Distribution: Phasalatso



Drawings										Tswana



Polase ya me – pono ya bana 



Instructions: 

Folio strap: Dikgatlhego tse di kgethegileng 

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Rre Johan Kriel ke mogokaganyi wa tlhabololo wa porofense wa Grain SA, mme o direla kwa Ladybrand mo Foreisetata. Johan o na le morwadi, e bong Surita, yo e leng morutabana kwa sekolong sa poraemari sa Tweespruit.



Bana ba mophato o o rutwang ke Surita ba na le kgatlhego e tona thata mo temothuong ka gore ba reetsa dikgaso tsa radio mo Lesedi Radio ka Labone maitsiboa ka 20:15 (ke nako e ka yona Johan Kriel a dirang kgaso ya beke le beke). Bana ba, ba kgatlhilwe thata ke temothuo mo ba bileng gape ba bogela mananeo a temothuo mo thelebišeneng. Ba sweditse go tshwantsha ditshwantsho tsa polase e ba rulaganyang go nna le yona letsatsi lengwe – ditshwantsho tse di latelang di tlhophilwe go tswa mo ditshwantshong.



