_____________________________________________________________
License: Creative Commons Attribution 2.5 South Africa
URL: http://creativecommons.org/licenses/by/2.5/za/

Name and version: NCHLT Clean Setswana Text Corpus v2.0

Attribute work to: South African Department of Arts and Culture & Centre for Text Technology (CTexT, North-West University, South Africa)

Attribute work to URL: http://www.nwu.ac.za/ctext 
______________________________________________________________

<fn>(1124200875759 AM) GEMS_APP(TSWANA).txt</fn>
Buisa ka kelotlhoko kaelo ya go tsenya tirisong mo tsebeng ya 7, gonne e na le tshedimosetso e e botlhokwa e e tla go thusang mo go tlatseng foromo ya kopo ka tshwanelo.
tlatsa foromo ya kopo mo tsebeng e e kwa morago mme o netefatse gore o akareditse ditokomane tse di maleba gammogo le tshaeno ya gago fa go tlhokegang.
Ka go etela ditikwatikwe tsa thuso tsa dikgaolo: Leba kaelo ya go tsenya tirisong mo tsebeng ya 7 go bona dintlha go ya pele.
Fa e le gore kopo ya gago e atlegile, GEMS e tla go posetsa pakana ya kamogelo mo sebakeng sa malatsi a le 7 a go amegela kopo ya gago.
Kopo ya gago e tla diegisiwa fa o sa tlamele GEMS ka ditokomane tsotlhe tse di tlhokegang.
Fa e le gore kopo ya gago e ka se lejwe, GEMS e tla ikgolaganya le wena mo sebakeng sa malatsi a le 15 a go amogela kopo ya gago.
Tsweetswee ikgologanye le tikwatikwe ya megala ya rona mo go 0860 00 4367 kgotsa ka e-mail mo go enquiries@gems.gov.za fa e le gore o tlhoka thuso go ya pele ka ga go tlatsa foromo ya kopo ya gago.
netefatsa gore o tlamela ka ditokomane tsa tlaleletso tsotlhe.
Tsweetswee leba Karolo ya B ya kaelo ya go tsenya tirisong mo tsebeng ya 7 gore o tle o kgone go netefatsa gore batho ba o eletsang go ba tlhopha jaaka batlhokomelwa ba gago ba a akarediwa jaaka go tshwanetse.
Tsweetswee tlhopha MOFUTA O LE MONGWE go tswa mo lenaneng le le fa tlase e bile o tshwaye bokoswana e e maleba ka X.
Go busediwa tšhelete ya ditleleimi yotlhe go dirwa ka kelo ya sekema gammogo le go tsamaelana le melawana ya sekema.
Badirakopo ba ba thapilweng: Tsweetswee bontsha mogolo wa gago wa kgwedi wa motheo. Fa e le gore o mo legatong la bogareng kgotsa la kwa bogodimong jwa bolaodi, tsweetswee bontsha mogolo wa gago otlhe wa kgwedi. akaretsa selipi sa mogolo sa sešwengšeng kgotsa lekwalo la go rebolelwa tiro fa e le gore o mothapiwa yo montšhwa.
Badirakopo ba ba amogelang penšene: tsweetswee bontsha penšene ya gago ya kgwedi ya motheo.
A o leloko kgotsa motlhokomelwa wa sekema sa kalafi se se kwadisitsweng?
Fa karabo e le ee, a o leloko-legolo kgotsa motlhokomelwa?
Fa e le gore o leloko/motlhokomelwa, tsweetswee akaretsa setifikeiti sa gago sa botokololo go tswa kwa sekemeng sa kalafi sa pele se se netefatsang letlha la go khutlisa botokololo (dikarata tsa botokololo ga di a lekana). O tshwanetse go netefatsa gore botokololo jwa gago mo sekemeng sa kalafi sa ga jaana, bo phimotswe.
Leina la sekema sa kalafi sa pele nomoro ya leloko tšhelete ya kgwedi le kgwedi e e duelwang ke bathapiwa e gogiwa ka tlhamalalo go tswa mo megolong ya bona fa go leng maleba.
Fa e le gore o tlhopha go duela ka debit order o tlhoka go tlatsa Dintlha tsa go banka tsa leloko fa tlase Karolo ya H.
Dintlha tsa akhaonto ya banka: Di tlhokega mo mabakeng a fa leloko le tshwanetse go busediwa tšhelete ka tlhamalalo, gammogo le fa ke tshwanetse go duela tšhelete mo sekemeng.
Bolaodi jwa tlamelo ya pholo jo bo nang le tshedimosetso efe kana efe, e le ka seemo sa go sa tlhagise gore motho ke mang, e e tlhokegang mo mererong ya tsamaiso le dipalopalo, fa fela tshedimosetso e e jalo e tla tsholwa e le sephiri ka dinako tsotlhe.
Go botlhokwa go naya GEMS e bile/kgotsa baemedi ba yona tetla ya gago go buisana le ngaka/dingaka tsa gago, bookelo kgotsa motlamedi wa tsa pholo ofe kana ofe go netefatsa gore o amogela tlhokomelo ya maemo a a kwa godimo.
E Diteng tsa foromo e ke nnete, di nepagetse e bile di feletse. Fa go ka nna le tshedimosetso e e sa tlhagisiwang kgotsa le go sa bue boammaruri ka tsela nngwe, ke tlhaloganya gore botokololo jwa me bo ka khutlisiwa e bile nka lopiwa go busetsa Sekema tšhelete, ya boleng jo bo ka bong bo sa ntshiwa mo boemong jwa me, seemo se se ka fetogang fa morago ga ditsamaiso tsa go ipelaetsa fela ka ntlha ya go sotlaka ditshwanelo kgotsa ditlotla (privileges) tsa sekem.
E Ke dirile tlhopho ya me ya mofuta e bile ke ikgotsofaditse ka ga sethalo sa ditshwanelo se se tlhagelelang mo mofuteng o.
E Ke dumela go ithuta go itse melawana ya Sekema.
E Baamogela-ditshwanelo ba me, ntle le mogatsa-ke/molekane wa me, ba tlhokometswe ke nna ka botlalo kgotsa e seng ka botlalo mo e leng gore ba tlamelwa ke nna e seng ka botlalo go se amogele lotseno la ngwaga le le fetang bogodimo jwa tšhelete ya penšene ya puso kgotsa ga ba a thapiwa nako e e tletseng ka letlha la go saena foromo e.
E Ke na le kitso ya gore GEMS e ka tsenya sebaka-kemo sa kakaretso e bile/kgotsa se se nang le mabaka a a tsepameng, jaaka go tlametswe mo Molaong wa Dikema tsa Kalafi (Wa bo 131 wa 1998).
E Ke tlhaloganya gore dintlha tsa me tsa bosebele gammogo le tshedimosetso ya me ya tsa pholo (e e amogetsweng go tswa go batlameding ba tsa kalafi go na le thebolelelo-tetla e e tlhamaletseng) di tla tsholwa e le sephiri.
E Ke na le kitso ya gore tshedimosetso ya bosebele ya pholo gammogo le ya bosebele ya me le ya batlhokomelwa ba me di ka dirisetswa dipatlisiso, datha ya dipalopalo, mabaka a tsa tlhokomelo le go bega, e bile go fapoga gofe kana gofe mo dintlheng tse go tla tsewa e le go tlola molawana wa bosephiri.
E Ke tlhaloganya gore fa go ka diragala gore GEMS e eletse go dirisa tshedimosetso ya bosephiri ya me kgotsa ya batlhokomelwa ba me ka ntlha ya mabaka a sele go na le a a tlhalositsweng mo maikanong a, GEMs e tshwanetse go lopa thebolelo-tetla e nngwe gape go tswa mo go nna le mo batlhokomelweng ba me.
E Ke tlhaloganya gore tshedimosetso ya me ya bosebele le e e mabapi le tsa pholo ya me, ga e kitla e dirisetswa mabaka a a amanang le kgwebo kgotsa ga e kitla e rekisiwa go bona moputso.
E Ke tlhaloganya gore GEMS e reboletse batho bangwe mo teng ga setlamo gammogo le batsereganyi ba ba thapilweng ka konteraka phitlhelelo go tshedimosetso ya maloko ya bosebele le e e mabapi le tsa pholo.
E Ke tlhaloganya gore GEMS gammogo le batsereganyi ba yona ba ba thapilweng ka konteraka ba tla dirisa tshedimosetso ya tsa kalafi/pholo/phekolo/tsamaiso e e tlametsweng go dira merero e e latelang - go tsweletsa foromo ya kopo ya botokololo, go duelela go busa tšhelete ya ditleleimi, go swetsa ka ga ditshwanelo tse di tshwanetseng go amogelwa ke leloko gammogo le tiragatso ya bolaodi jwa kotsi (risk management practice).
E Ke tlhaloganya gore GEMS e tsene mo ditumalanong tsa bosephiri le batsereganyi botlhe ba ba thapilweng ka konteraka, ba ba nang le phitlhelelo go tshedimosetso ya baamogela-ditshwanelo ka ntlha ya mabaka a phetiso le taolo ya datha, tsamaiso ya sekema gammogo le dithulaganyo tsa tlhokomelo e e laolwang.
E Ke tlhaloganya gore badiri botlhe kwa GEMS gammogo le batsereganyi ba yona ba ba thapilweng ka konteraka ba tlamilwe ke ditumalano tsa ka fa teng tsa bosephiri.
E Ke tlhaloganya gore GEMS e tla netefatsa gore dikgato tsa tshireletso ya datha e e lekaneng di teng.
E Ke tlhaloganya gore fa go ka nna le go sa ikobele bosephiri, GEMS e tla tsaya maikarabelo e bile go sa ikobele go, go tla laolwa go ya ka ditsamaiso tsa GEMs tsa ka fa teng.
E Fano ke rebolela GEMS tetla gotlhelele go diragatsa kgogo ya tuelo ya kgwedi le kgwedi fela ka gangwe go simolola ka letlha le ke nnang leloko ka lona.
E Nna, jaaka leloko la GEMS, ke tsaya maikarabelo a dituelo tsa kgwedi le kgwedi go GEMS.
E Fano ke rebolela mothapi wa me/GEMS go goga tuelo go tswa mo mogolong/akhaontong ya banka tlhwatlhwa efe kana efe e nka tswang ke e kolota GEMs semolao gammogo le go duela GEMs kgotsa baemedi ba yona tuelo yotlhe e e tshwanetseng.
E Nna kgotsa mongwe wa batlhokomelwa ba me ga re baamogela-ditshwanelo ba sekema se sengwe sa kalafi se se kwadisitsweng.
E Ke tla itsise Sekema ka ga diphetego dife kana dife ka ga pholo kgotsa seemo sa bosebele sa motlhokomelwa wa me, jaaka melawana ya Sekema e tlhalosa, mo teng ga malatsi a le 30 a phetogo eo.
E Ke tla itsise GEMS bonnye diura tse 48 pele ga kamogelo ya kwa bookelong ya maemo a e seng a tshoganyetso. Ke amogela gore go sa dire jalo, go ka lebisa kwa go reng ke duela bontlha-bongwe jwa tuelo.
E Ke amogela gore Sekema/baemedi ba sona ba tla duelela ditleleimi tse e tsayang gore di siame e bile di tsamaelana le melawana ya sekema.
E Ka dinako tsotlhe melawana e tla tswelela go nna mo tirisong e bile ke amogela gore makwalo, makwalo-a dikgang ga a tsene mo legatong la melawana ya sekema.
E Ke dumela gore dipuisano tsotlhe magareng ga me le Sekema kgotsa le batsereganyi ba yona ba ba thapilweng ka konteraka di ka gatisiwa.
E Dintlha tsa bosebele le tshedimosetso ya tsa kalafi tsa leloko (tse di bonweng go tswa mo batlameding ba tsa kalafi morago ga gore leloko le rebole tetla) di tla tsholwa e le sephiri.
E tshedimosetso ya leloko (tshedimosetso ya bosebele le ya pholo) ga e kitla e dirisetswa mabaka a a amanang le kgwebo kgotsa ga e kitla e rekisiwa go bona moputso.
E Dikgato tsa tshireletso ya datha di teng.
E Phitlhelelo e rebolelwa batho ba ba ka fa teng ga setlamo gammogo le batsereganyi ba yona ba ba thapilweng ka konteraka, tshedimosetso ya baamogela-ditshwanelo ya bosebele le pholo.
phekolo/tsamaiso e e tlametsweng go dira merero e e latelang: go tsweletsa foromo ya kopo ya botokololo, go duelela go busa tšhelete ya ditleleimi, go swetsa ka ga ditshwanelo tse di tshwanetseng go amogelwa ke leloko gammogo le tiragatso ya bolaodi wa kotsi (risk management practice).
E Badiri botlhe ka fa teng ga sekema gammogo le batsereganyi ba yona ba ba thapilweng ka konteraka, ba tlamilwe ke ditumalano tsa ka fa teng tsa bosephiri.
E sekema se netefaditse gore go tsenwe mo ditumalanong tsa bosephiri le batsereganyi ba yona botlhe ba ba thapilweng ka konteraka, ba ba nang le phitlhelelo go tshedimosetso ya baamogela-ditshwanelo ka ntlha ya mabaka a phetiso le taolo ya datha, tsamaiso ya sekema gammogo le dithulaganyo tsa tlhokomelo e e laolwang.
E Mo mabakeng a go tlolwa ga molawana wa bosephiri, sekema se tla tsaya maikarabelo a go sa ikobele go, e bile se se tla laolwa go ya ka ditsamaiso tsa sekema tsa ka fa teng.
Tsweetswee leletsa 0860 00 4367 fa o ka se amogele netefaletso ya botokololo jwa gago kwa GEMS mo sebakeng sa malatsi a tiro a le 7.
Tsweetswee o se ka wa busa kaelo e le foromo ya kopo ya gago e e tladitsweng.
Khopi ya Lekwaloitshupo la leloko-legolo.
selipi sa mogolo sa sešwengšeng/lekwalo la go rebolelwa tiro.
Diforomo tsa M2 le Z583, fa o le mopenšenara e bile/kgotsa o le mothapiwa wa puso.
Lekwalo le le netefatsang go amogela ketleetso go tswa kwa Botsholamatlotlong jwa Bosetšhaba fa go leng maleba.
Setifikeiti sa botokololo go tswa kwa sekemeng sa kalafi sa pele se se nang le letlha la go khutla.
Tshaeno ya gago fa go tlhokegang (Dikarolo tsa H, I le J).
KAROLO YA A: DINTLHA TSA LELOKOO a patelesega go tlatsa tshedimosetso yotlhe mo Karolong ya A, fa go leng maleba.
Nomoro ya gago ya PERSAL e ka bonwa mo seliping sa mogolo wa gago. Bapenšenara: Tsweetswee tlamela ka Nomoro ya gago ya Penšene e e tlhagelelang mo makwalong a gago kgotsa mo Setifikeiting sa Penšene go tswa kwa go Botsholamatlotlo jwa Bosetšhaba.
Tsweetswee bontsha leina le khoutu ya setlamo sa mothapi wa gago wa ga jaana. Khoutu ya setlamo sa gago e ka bonwa mo seliping sa mogolo wa gago, fa e le gore o modiredi-puso.
Tsweetswee tlatsa dintlha tsa batlhokomelwa ba gago mo Karolong ya B ya Foromo ya kopo.
Ga go batlhokomelwa bape ntle le ba ba tlhagisitsweng fa tlase ba ba tla akarediwang mo botokololong.
Ke tladitse karolo ya motlhokomelwa mo foromong ya kopo, kgotsaEla tlhoko: Fa e le gore o mo nyalong ya setso, leloko le tshwanetse go tlamela ka afitafiti e e netefatsang maikano a gago mo go mogatso.
Ke tladitse karolo ya motlhokomelwa mo foromong ya kopo, e bile khopi ya semolao e e tlhalosang gore ke tshwanetse go mo tlamela ka tshegetso ya kalafi go ya ka lekwalo la tlhalo.
Afitafiti ya maikano e e netefatsang gore molekane o tlamelwa ka matlole ke leloko.
Ke tladitse karolo ya motlhokomelwa mo foromong ya kopo. Ela tlhoko: Fa e le gore sefane sa ngwana se farologane le sa leloko, go tlhokega afitafiti e e netefatsang gore leloko le tshwanetse go mo tlamela e bile e tlhalosa lebaka la go sa tshwaneng ga difane.
Fa e le gore ngwana o golofetse mo tlhaloganyong kgotsa mo mmeleng: Bopaki jwa bogole go tswa kwa ngakeng (Pegelo ya tshekatsheko e -tshwanetse go dirwa ke ngaka) e bile Afitafiti ya maikano go tswa mo lelokong go netefatsa gore o tlamelwa ke -nna ka matlole.
Fa e le gore ngwana ga se moithuti e bile ga a golofala: Afitafiti ya maikano go tswa mo lelokong go netefatsa gore o tlamelwa ke -nna ka matlole. Ela tlhoko: Fa e le gore sefane sa ngwana se farologane le sa leloko, go tlhokega afitafiti e e netefatsang gore leloko le tshwanetse go mo tlamela e bile e tlhalosa lebaka la go sa tshwaneng ga difane.
Afitafiti ya maikano go tswa mo lelokong go netefatsa gore o tlamela baamogela-ditshwanelo ka matlole. Ela tlhoko: Ratswale/mmatswale gammogo le borremogolo/bommemogolo ka lenyalo ba ka kwadisiwa fa fela mogatso a kwadisitswe jaaka moamogela-ditshwanelo.
Afitafiti ya maikano go tswa mo lelokong go netefatsa gore o tlamela setlogolo ka matlole.
Afitafiti ya maikano go tswa mo lelokong go netefatsa gore o tlamela nkgonne/ kgaitsadi ka matlole. (Afitafiti ya maikano e tshwanetse go kwalwa ke leloko) Ela tlhoko: Ke fela bonkgonne/bokgaitsadi ba leloko-legolo ba ka kwadisiwang jaaka baamogela-ditshwanelo.
Afitafiti ya maikano go tswa mo lelokong go netefatsa gore o tlamela bana ba bonkgonne/bokgaitsadi ka matlole. (Afitafiti ya maikano e tshwanetse go kwalwa ke leloko gammogo le nkgonne/kgaitsadi, fa go leng maleba). Ela tlhoko: Ke fela bana ba bonkgonne/bokgaitsadiake ba ka kwadisiwang jaaka baamogela-ditshwanelo.
Diafitafiti tse di tlhalositsweng fa godimo di tshwanetse go tlatswa gammogo le dipotso tsa kalafi tsa batlhokomelwa ba ba repetlaneng dithwe e bile di ka bonwa mo go website ya GEMS mo go www.gems.gov.za kgotsa e ka bonwa ka go leletsa tikwatikwe ya megala mo go 0860 00 4367.
E Fa e le gore o tshwanetse go romela afitafiti, o tlhoka go ya kwa seteišeneng sa sepodisi se se gaufi le wena kgotsa kwa mothong yo o reboletsweng tetla ya go nna mokhomišenara wa maikano go tlhomamisa gore se o se bolelelang GEMs ke nnete e bile se nepagetse.
E Isa diforomo tsa "Pegelo ya tshekatsheko ka ngaka (Bogole)" kwa ngakeng e e maleba mme o e kope gore a e tlatse. Ketelo e e tla duelwa go tswa mo thusong ya go bona dingaka ga maloko a a kwadisitsweng. Maloko a a sa kwadisiwang a tshwanetse go ituelela ketelo e go tswa mo dikgetseng tsa ona.
E tsweetswee dira tlhopho ya gago ka tshwanelo, gonne o ka se letlwe go fetola tlhopho ya gago mo tsamaong ya ngwaga ntle le tumelelo ya Boto ya Baemedi-ba-Matlole.
E Dithuso tsa gago tsa kwa ntle ga bookelo gammogo le dithuso tse dingwe di tla fokodiwa go tsamaelana le gore o ikwadisitse leng fa e le gore letlha la ikwadiso ga se 1 Ferikgong. Se se kaya gore ditekanyetso tsa dithuso tsa gago di tla balelwa go tsamaelana le sebaka sa botokololo se se setseng mo ngwageng fa o sale o ikwadisa.
E O tla kgona go fetola tlhopho ya gago kwa bofelong jwa ngwaga mongwe le mongwe go simolola ka letsatsi la ntlha la ngwaga o o latelang.
O tlhoka go bontsha letlha le o eletsang go ikwadisa mo go GEMS mo Karolong ya D ya Foromo ya kopo.
E Letlha la go amogelwa ga gago le tshwanetse go nna ka letsatsi la ntlha la kgwedi.E Fa go kgonegang, netefatsa gore letlha la go amogelwa ga gago kwa GEMS go latela ka tlhamalalo go khutlisiwa ga botokololo jwa gago kwa sekemeng sa kalafi sa pele, gonne kgaogo mo botokololong e ka ama ketleetso e o e amogelang kwa mothaping wa gago.
E Fa e le gore ga go a tsenngwa letlha lepe, letlha la gago la kwadiso le tla swetswa go nna letsatsi la ntlha la kgwedi e e latelang gore go se nne le dikoloto dipe.
E Fa e le gore letlha la go ikwadisa le o le tlhophileng le baka dikoloto tsa dituelo, tuelo e tla gogiwa mo mogolong wa gago kgotsa mo akhaontong ya gago ya banka (fa go leng maleba).
E Fa go tla mo bathapiweng ba bantšhwa, letlha la gago la kwadiso le ka se nne kwa pele ga letlha la go thapiwa ga gago.
Badirakopo ba ba amogelang penšene: Tsweetswee tlatsa foromo ya M2 le foromo ya Z583 go netefatsa go bona ketleetso go tswa kwa Lefapheng la Matlotlo. Fa e le gore o na le lekwalo la Botsholamatlotlo jwa Bosetšhaba le le netefatsang ketleetso ya gago, tsweetswee le kgomaretse mo foromong ya kopo, gonne le tla dira gore tsweletso ya kwadiso e nne bobebe le go feta.
Badirakopo ba ba thapilweng: Tsweetswee bontsha mogolo wa gago wa kgwedi wa motheo. Fa e le gore o mo legatong la bogareng kgotsa la kwa bogodimong jwa bolaodi, tsweetswee bontsha mogolo wa gago otlhe wa kgwedi. akaretsa selipi sa mogolo sa sešwengšeng kgotsa lekwalo la go rebolelwa tiro fa e le gore o mothapiwa yo montšhwa.
Tsweetswee kgomaretsa setifikeiti sa botokololo se se nang le letlha la bofelo go tswa kwa sekemeng sa kalafi sa pele.
E Peomolao e swetsa gore wena kgotsa batlhokomelwa ba gago le ka se kwadisiwe mo dikemeng tsa kalafi tse pedi ka nako e le nngwe.
E Tsweetswee ikgolaganye le sekema sa gago sa kalafi sa pele mme o ba kope go go tlamela ka setifikeiti sa botokololo se se nang le letlha la bofelo jaaka bopaki jwa botokololo.
E Tsweetswee ela tlhoko gore fa e le gore setifikeiti sa gago sa botokololo ga se bontshe letlha la bofelo, ga re kgone go ka se dirisa. Gakologelwa go tlatsa le go romela lekwalo la go khutlisa botokololo jwa gago kwa sekemeng sa kalafi sa pele, fa e le gore ga o ise o dire jalo.
E Fa e le gore ga o kgone go bona setifikeiti sa botokololo, re tla amogela go lekwalo la go khutlisiwa ga botokololo jwa gago kwa sekemeng sa gago sa pele sa kalafi jaaka bopaki jwa go khutlisa, fela e tshwanetse go nna lekwalo le le kwadilweng mo go letterhead ya sekema se.
E Fa e le gore o itemogela bothata mo go khutliseng go gogelwa tšhelete go tswa mo mogolong wa gago ka ntlha ya botokololo kwa sekemeng sa gago sa pele sa kalafi, tsweetswee kopa modiri wa kwa lefapheng la tsa badiri (HR) go emisa seno, go sa nneng jalo GEMS e ka se kgone go tsenya tirisong go gogelwa tšhelete go tswa mo mogolong wa gago.
tsweetswee netefatsa gore o buisa dikarolo tse ka kelotlhoko pele o saena dikarolo tse mo foromong ya kopo ya gago.
Tsweetswee ela tlhoko: Foromo ya kopo ya gago e ka se tswelediwe ntle le tshaeno ya gago.
Fa e le gore o tlhopha go ikwadisetsa Sapphire kgotsa Beryl, o tlhoka go ela tlhoko tse ke ditlhopho tsa ditheo. Se se kaya gore wena le batlhokomelwa ba gago le tla tshwanela ke go dirisa fela batlamedi ba tsa kalafi ba ba mo konterakeng le Ditheo tsa Prime Cure. Ngaka ya lelapa/ngaka ya meno ya gago e ka se kwadisiwe jaaka motlamedi wa Ditheo tsa Prime Cure. Fa go ntse jalo, o tlhoka go leletsa tikwatikwe ya megala ya GEMS mo go 0860 00 4367 go batlisisa ka ga motlamedi wa tirelo yo o mo kgaolong ya gago.
Fa e le gore wena kgotsa mongwe wa batlhokomelwa ba gago le tshela ka HIV/AIDS, go tla bo go le mo kgatlhegelong ya gago go ikwadisa mo lenaneong la botsamaisi jwa HIV/AIDS ya GEMS ka go leletsa Aid for AIDS mo go 0860 100 608. Se ke lenaneo la bosephiri, e bile mothapi kgotsa sekema ga di na phitlhelelo go tshedimosetso ya ga motsaya-karolo.
Melemo ya malwetse a a sa foleng e reboletswe go alafa maemo a a tsweletseng pele jaaka bolwetse jwa madi a magolo kgotsa jwa khemo (asthma) e bile e nowa ka dinako tsotlhe.
GEMs e tlamela ka dithuso tse di tletseng tsa molemo wa malwetse a a sa foleng go maloko otlhe. Gore o kgone go ka rebolelwa melemo wa malwetse a a sa foleng, o tshwanetse go ikwadisetsa lenaneo la phekolo ya malwetse a a sa foleng, morago fela fa o se na go amogela kitsiso ya gore jaanong o leloko le le kwadisitsweng la GEMS.
E Molemo o o dirisetswang maemo a a tsweletseng go alafa malwetse a a sa foleng a a koafatsang mmele, a a amang thata go dira le boleng jwa botshelo, e bileE Melemo ya nako e khutshwane e e tlhwatlha-godimo e e tla thibelang kalafi e e e tlhwatlhwa-godimo jaaka go robala kwa bookelong.
Fa e le gore o mo go Sapphire kgotsa Beryl, ngaka ya gago ya dikhemisi tsa Prime Cure, morago ga go netefatsa bolwetse jwa gago, e tla nna le maikarabelo a go kwadisa seemo sa gago mo go GEMS gammogo le go bona thebolelo-tetla ya melemo ya gago ya malwetse a a sa foleng.
Morago ga go kwadisiwa mo lenaneong, melemo ya gago e e reboletsweng tetla e tla duelelwa ka botlalo, fa fela o e amogela kwa khemising ya Prime Cure kgotsa ka khemisi e e supilweng go ka tsamaisa melemo. Ngaka ya gago ya Prime Cure e tla go thusa ka dithulaganyo tse.
tsweetswee ela tlhoko gore ke fela melemo e e mo lenaneong la melemo ya sapphire le Beryl e e tla duelelwang.
Fa e le gore o mo go Ruby, Emerald kgotsa Onyx, o tlhoka go dira kopo go bona molemo wa gago wa malwetse a a sa foleng ka go amogela foromo ya kopo ya molemo wa malwetse a a sa foleng go tswa kwa tikwatikweng ya megala ya GEMS kgotsa ka go e gatisa go tswa mo go website ya rona kwa www.gems.gov.za.
Morago ga gore ngaka ya gago e go tlhatlhobe le go tlatsa foromo ya kopo, o tlhoka go romela foromo e ka fekese gammogo le lekwalo la ngaka la thebolo ya melemo e e ka tsewang gape le gape mo go 0866 51 8009 gore di tswelediwe. Kgotsa o ka nna wa di romela ka e-mail mo go chronicDSP@gems.gov.za. Ka gale netefatsa gore kopo ya gago e tladitswe gotlhe le go saeniwa ke wena le ngaka ya gago.
Setlhopha sa sekalafi se tla leba dintlha tsa gago e bile fa go tlhokega se tla ikgolaganya le ngaka ya gago (e ka tswa e le ka mogala kgotsa ka lekwalo) e le go tlhopha melemo e e leng maleba e bile/kgotsa e e seng tlhwatlhwa-godimo. O tla romelwa molaetsa wa SMS o tlhalosediwa seemo sa kopo ya gago (rasiti le thebolo ya tetla). Kopo ya gago e tla tsaya bokana ka malatsi a tiro a le supa go tsweletswa.
E Foromo ya kopo ya molemo o o sa foleng e tshwanetse go tladiwa go leloko lengwe le lengwe la lelapa le le tlhokang molemo wa malwetse a a sa foleng. E Boloka khopi ya foromo e e tladitsweng mo direkotong tsa gago. E Mametlelela diteko tse di tshegetsang/dipatlisiso tse di kgethegileng le makwalo a a tlaleletsang jaaka go kopilwe go tila ditiego mo go tsweletseng kopo ya gago.
Morago ga gore kopo ya gago e amogelwe, o tla amogela lekwalo la thebolelo-tetla le le tlhagisang melemo e e tla duelelwang go tswa mo Thusong ya gago ya Molemo wa malwetse a a sa foleng. Lekwalo gape le tla bontsha gore ke melemo efe e e mo Lenaneng la Melemo (Medicine Price List - MPL) le le amogetsweng, gammogo le melemo e go tlhokegang gore go duelwe dituelo dingwe tsa melemo e e seng mo lenaneng (out-of-formulary co-payments).
Melemo e mengwe, e e sa duelelweng sepe, e teng. tsweetswee buisanela kgonagalo ya go dirisa setlhagisiwa se sengwe le ngaka ya gago ya melemo fa o eletsa go tila tuelo e. Fa e le gore molemo o o reboletsweng tetla o farologane le molemo o o o kopileng, lekwalo la tlhaloso le tla akarediwa mo lekwalong la thebolelo-tetla e bile khopi e tla romelwa go ngaka ya melemo.
Fa e le gore kopo ya gago ga e amogelwe, o tla romelwa lekwalo e bile khopi e tla romelwa go ngaka ya gago ya melemo. Fa e le gore tshedimosetso ya sekalafi go ya pele e a tlhokega, kopo ya gago e tla sekasekwa gape fa fela tshedimosetso e e maleba e se na go amogelwa go tswa kwa ngakeng ya gago. ngaka ya gago e ka nna ya leletsa 0860 100 608 go bona thuso.
Fa e le gore melemo ya gago ya malwetse a a sa foleng e a fetoga ka tsela nngwe, o tshwanetse go itsise GEMS.
tsweetswee romela lekwalo la ngaka la thebolo ya melemo e e ka tsewang gangwe le gape ka fekese go bona melemo e mešwa go tswa go motlamedi wa tirelo ya melemo e e sa foleng yo o supilweng mo go 0866 51 8009.
Modiri wa GEMs wa motlamedi wa tirelo ya melemo e e sa foleng yo o supilweng o tla ikgolaganya le wena mo sebakeng sa diura tse 48, go dira dithulaganyo tsa go romelwa ga melemo ya gago.
Morago ga go tsweletsa foromo ya kopo ya gago, o tla amogela sMs go netefatsa gore kopo ya gago e gorogile. O tla itsisiwe fa e le gore go na le ditokomane tsa tlaleletso dife kana dife tse di tlhokegang go tlamelwa go kgona go feleletsa kwadiso ya kopo ya gago.
Morago ga go fetsa ka ga kwadiso ya foromo ya kopo ya gago, pakana ya leloko e e akaretsang dikarata tsa botokololo jwa gago gammogo le kaelo ya leloko e e tletseng, di tla romelwa ka poso go aterese ya gago ya poso.
<fn>(310201010623 PM) FINAL SELECTION PACK SETSWANA.txt</fn>
Kwa GEMS, re a reetsa fa maloko a bua. Re itlotlomatsa ka boleng jwa rona jwa tlhaeletsano e e tlhapileng e bile re tswelelapele go lwela go netefatsa gore ditlhopho tsa rona tsa dithuso le ditirelo di itebagantse le ditlhokego tsa maloko a rona.
Ke ka boitumelo jo bogolo go go tlhagisetsa dithuso tsa 2010. Mo boroutšhareng e, tshedimosetso e ntsi e tlametswe ka ga tshireletso ya tlamelo ya boitekanelo ya tlhwatlhwa e e kgonegang e bile e le matsetseleko eo wena, leloko la GEMS, o tla e fitlhelelang ka 2010. Re go rotloetsa go tlhopha tlhopho e e tshwanetseng go gaisa, ditlhokego tsa gago le tsa ba lelapa la gago.
Ngwaga wa 2009 e ne e se mongwe wa dingwaga tse di bonolo fela GEMS e tsweletse go dira tse di gaisang thata. E ne e le ka boitumelo jo bogolo fa re ne re keteka phitlhelelo ya matshelo a le 1 000 000 a a sireleditsweng ke GEMS, se se dirang gore wena o nne a le mongwe mo go ba le mileone! Phitlhelelo e, e baya GEMS kwa pele mo intasetering ya dikema tsa kalafi, ka thuso e re e tlamelang, e e buang ka boyona.
Re sekema sa kalafi se se tswetsweng, se segolo mo nageng, se se dira gore o nne karolo ya sekema sa kalafi se se maatla, sa matlole a a tsepameng, se se nang le dikgatlhegelo tsa gago.
Go tswelela pele ga rona go latela tse di gaisang ke bopaki jwa boineelo jwa RONA mo go wena, ditlhokego tsa gago tsa tlamelo ya boitekanelo, gammogo le ditlhopho tsa GAGO. Mo kaeding e, re tlhagisa ditlhopho tsa rona tsa tlhwatlhwa e e kgonegang - go go thusa go tsaya tshwetso e e nang le dintlha ka ga tlhopho ya thuso e e tshwanetseng ditlhokego tsa ba lelapa la gago mo go 2010.
Dithuso tse di kwa botennyeng (core) tsedi leng teng go ka bonwa ke maloko ka 2009 di santse di le teng mo go 2010. Gape re okeditse ditekanyetso tsa dithuso tse di leng teng gammogo le go oketsa ka tse dingwe, jaaka Thuso ya kakaretso e ntšhwa e e mo tlhophong ya Emerald. Re motlotlo gore tota le mo dinakong tse di maswe tse re iphitlhelang re le mo go tsona mo ikonoming, re tswelela go go tlamela ka tlamelo ya boitekanelo ya tlhwatlhwa e e kgonegang e bile e na le boleng.
Dikabo tsa ngwaga wa 2010 di simolola ka R424 e bile re kgonne go tshola tlhatlogo ya kakaretso ya dikabo mo ditlhophong tsotlhe go 10,8%. Dithadiso (tables) tsa dikabo tsa 2010 di akaredibona sentle gore tlhatlogo e tla ama kgetse ya gago jang.
Ka 2010, re tlhagisitse Sentlhaga sa GEMS se sentšhwa, sentlhaga sa batlamedi ba tirelo ya boitekanelo ba ba tla itebaganyang le ditlhokego tsa tlamelo ya boitekanelo jwa maloko a rona a Sapphire le Berylse tla tsena mo ditlhakong tsa sentlhaga sa Prime Cure, seo maloko a a mo ditlhopong tse, a ntseng a se dirisa mo dingwageng tse 3 tse di fetileng. Dikgang tse dintsi ka ga dintlha tse di tla tlhagisiwa kwa bofelong jwa 2009.
Ke rata go go lebogela tshegetso ya gago e e tsweletseng e bile ke go eleletsa pholo e ntle tota mo go 2010. Gakologelwa gore GEMS e sala go nna molekane wa gago mo pholong e ntle.
Dira TLHOPHO ya gago.
Dithuso di tlhametswe wena wa pholo e ntle, e bile o itumetse!
Kwa bofelong jwa ngwaga mongwe le mongwe, re tlamela maloko a rona ka tšhono ya go fetogela kwa tlhophong e nngwe ya dithuso. Go dira tlhopho ya gago, o tlhoka go sekaseka ka kelotlhoko tlhopho nngwe le nngwe gammogo le dikabo tsa kgwedi-le-kgwedi.
Tsweetswee, leba se ka kelotlhoko gonne o letleletswe go fetola tlhopho ya gago gangwe fela mo ngwageng. Fa o ka eletsa go fetola tlhopho ya gago ya 2010, tsweetswee latela dikgato tse tharo tse di bonolo fa tlase. Gakologelwa gore foromo ya gago ya "Make your choice" e tshwanetse go re fitlhelela ka 30 Ngwanatsele 2009 kgotsa pele ga letlha le.
Kaedi e sobokanya dintlha di le mmalwa tsa GEMS. E diretswe go dira jaaka tshupetso (reference) ya ka bonako fela e bile ga e tsene mo ditlhakong melawana ya Sekema. Fa go ka diragala gore go se nne le tumelano, melawana e e kwadisitsweng e tla nna yona e e maleba.
<fn>(3172010120330 PM) FINAL MB SETSWANA.txt</fn>
GEMS e tlhamilwe go tshotswe wena mo tlhaloganyong. Re sekema sa kalafi se se tswetsweng e bile se le segolo go gaisa se se itebagantseng ka totobalo go tlhokomela ditlhokego tsa tlamelo ya boitekanelo tsa bathapiwa ba Tirelo ya Bosetšhaba.
Re ineetse go tlamela mongwe le mongwe wa maloko a rona gammogo le ba malapa a bona ka phitlhelelo go dithuso tsa tlhwatlhwa e e kgonegang e bile di aname ka motseletsele wa ditlhopho tse 5. Fa e sale leloko la ntlha le ikwadisitse mo go GEMS ka 2006, re itemogetse kgolo e e makatsang tota e bile re dirile tsotlhe go nna sekema sa tirelo ya kalafi se se matsetseleko e bile e le sa tlhwatlhwa e e kgonegang go bathapiwa botlhe ba Tirelo ya Bosetšhaba.
Ke mang a ka ikwadisang?
Setlhopha sefe kana sefe sa mothapi yo o rebeletsweng tetla ke sekema.
Lefapha lefe kana maparego a tirelo a sa letleleleng go ikwadisa mo go GEMS.
GEMS e tlamela ka dithuso tsa tlhwatlhwa e e kgonegang go botlhe!
Mongwe le mongwe a ka kgona go duelela go ikwadisa mo go GEMS, gonne tlhwatlhwa e o e duelang go nna leloko la sekema e laolwa ke mogolo o o o amogelang. Se se kaya gore o tla duela tlhwatlhwa e e kwa tlase go bona dithuso tse di lekanang le tsa ba ba mo tlhophong ya gago le fa ba amogela mogolo o o fetang wa gago. Gore o duela tlhwatlhwa e e kana kang go ikaegile mo bogolong jwa lelapa la gago gammogo le gore o tlhopha tlhopho efe mo go tse tlhano.
nako e telele.
Lenaneo la Taolo ya HIV/Aids le le go nayang tlhokomelo ya bosephiri fa o e tlhoka go gaisa.
Tirelo ya kalafi ya diura tse 24 e e akaretsang karolo e kgolo ya Aforika Borwa.
Ditirelo le mananeo a tlamelo ya boitekanelo a a matswatswa jaaka a Lenaneo la Boimana, Malatsi a Tlhatlhobo ya Pholo e ntle kwa lefelong la gago la tiro, gammogo le bontsintsi mo lesakeng la ditirelo le le tswelelang go gola ka dinako tsotlhe. Re batla go dira gore go nne bonolo mo go wena go nna ka pholo e ntle.
Fa o ikwadisa mo go GEMS, o karolo ya sekema sa kalafi se se maatla mo matloleng ka botokololo jo bo golang ka bonako.
Sekema se se tshwenyegileng tota ka ditlhokego tsa gago e bile se tsepamisitse maikutlo a sona mo go tsona -re a reetsa fa maloko a rona a bua!
Dithuso tsa tlamelo ya boitekanelo tse di gaisang tota ka dikelo tsa tlhwatlhwa e e kgonegang.
Bosephiri jo bo totobadiwang e le ruri - tshedimosetso ya gago ya kalafi ka gale e tsholwa e le ya bosephiri gotlhelele -tota le mothapi wa gago a ka se e itse.
Ditleimi tsa tuelo tsa ka bonako e bile di rulangantswe sentle di dirwa mo malatsing mangwe le mangwe a le 14.
Tlhaeletsano ya ka gale go maloko.
Tirelo ya Badirisi e e ka go thusang ka puo efe kana efe ya semmuso mo Aforika Borwa.
Tirelo ya go thusa badirisi e e botsalano e bile e rulagane sentle kwa Tirelong ya rona ya Badirisi gammogo le diofisi tsa dikgaolo.
Diofisi tsa dikgaolo go ralala naga go dira gore phitlhelelo mo go thusiweng le go boneng ditirelo e nne bonolo.
Phitlhelelo go tlhokomelo ya kalafi e e tseneletseng kwa ditheong tsa baagi le tsa poraefete.
Lenaneo la Taolo ya Malwetse go laola kalafi le ditlhwatlhwa tsa malwetse a nako e telele.
Kgato ya 1: Bona foromo ya kopo - o ka e pagolola mo go www.gems.gov.
Kgato ya 2: Tlatsa foromo - netefatsa gore o tlatsa dikarolo tsotlhe ka botlalo gammogo le go tlamela ka ditokomane tsa tlaleletso tse di kopilweng leba: Ke ditokomane dife tse o tlhokang go di romela le kopo ya gago?
Kgato ya 3: Re romelele foromo e e tladitsweng le ditokomane ka fekese, poso kgotsa e-mail.
Ke ditokomane dife tse o tlhokang go di romela le kopo ya gago?
Fa e le gore o batla go ikwadisa mo go GEMS, o tla tlhoka go tlamela ka dikhopi tse di tempilweng semmuso (certified) tsa ditokomane tse di rileng, jaaka makwaloitshupo, la gago le a maloko a lelapa la gago, gammogo le foromo ya gago ya kopo. Etela website ya rona www.gems.gov.za go bona lenane le le feletseng la ditokomane tsotlhe tse o ka tlhokang go di romela, kgotsa leletsa Tirelo ya Badirisi ya rona mo go 0860 00 4367. Go botlhokwa go ela tlhoko gore fa e le gore ga o romele ditokomane tse re di tlhokang, GEMS e ka se kgone go samagana le kopo ya gago e bile kopo ya gago e tla diegisiwa go fitlha ditokomane tse di tlhokegang di amogetswe.
Jaaka ka gale, GEMS e lwela go go tlisetsa dithuso tsa tlamelo ya boitekanelo tse di gaisang ka mo go ka kgonegang ka teng go tsamaelana le ditlhokego tsa gago. Go fitlha ga jaana, re kgonne go tshola tlhatlogo mo dikabong tsa gago tsa kgwedi-le-kgwedi gore di tsamaelane le infoleišene ya tsa kalafi. Go tlamela ka tlhopho e e oketsegileng ke seo maitlamo a rona mo go wena e leng ka ga ona. Go na le boitlhophelo jwa thuso jo bo maleba tota mo ditlhokegong tsa tlamelo ya boitekanelo tsa lelapa la gago gammogo le kgwatlha ya gago!
A ke madi otlhe a kabo ya kgwedi-le-kgwedi mme ga a bontshe karolo ya madi a thuso (subsidy) ya motlhapi. Mo mabakeng a fa mothapiwa a tshwanetse go bona madi a thuso, mothapi o tla duela karolo ya kabo mme mothapi o tla duela karolo e e setseng. Seemogodimo sa madi a thuso se laolwa ke bogolo jwa lelapa e bile se lekanyeditswe go 75% ya dikabo tsa gago tsa kgwedi-le-kgwedi, se se lekanyeditsweng go R2 570.
A o tlhoka tshedimosetso go ya pele?
Romela SMS go 083 450 4367 o tlhagisa nomoro ya gago ya Persal, mme re tla go leletsa.
Leletsa Tirelo ya Badirisi mo go 0860 00 4367.
<fn>(421201085642 AM) Revised Application Forms_Setswana.txt</fn>
Buisa ka kelotlhoko kaelo ya go tsenya tirisong, gonne e na le tshedimosetso e e botlhokwa e e tla go thusang mo go tlatseng foromo ya kopo ka tshwanelo.
T latsa foromo ya kopo mo tsebeng e e kwa morago mme o netefatse gore o akareditse ditokomanetse di maleba gammogo le tshaeno ya gago fa go tlhokegang.
Ka go etela ditikwatikwe tsa thuso tsa dikgaolo: Leba kaelo ya go tsenya tirisong go bona dintlha go ya pele.
Fa e le gore kopo ya gago e atlegile, GEMS e tla go posetsa pakana ya kamogelo mo sebakeng sa malatsi a le 7 a go amogela kopo ya gago.
Kopo ya gago e tla diegisiwa fa o sa tlamele GEMS ka ditokomane tsotlhe tse di tlhokegang.
Fa e le gore kopo ya gago e ka se lejwe, GEMS e tla ikgolaganya le wena mo sebakeng sa malatsi a le 5 a go amogela kopo ya gago.
Tsweetswee ikgologanye le tikwatikwe ya megala ya rona mo go 0860 00 4367 kgotsa ka e-mail mo go enquiries@gems.gov.za fa e le gore o tlhoka thuso go ya pele ka ga go tlatsa foromo ya kopo ya gago.
Netefatsa gore o tlamela ka ditokomane tsa tlaleletso tsotlhe.
Tsweetswee leba Karolo ya B ya kaelo ya go tsenya tirisong gore o tle o kgone go netefatsa gore batho ba o eletsang go ba tlhopha jaaka batlhokomelwa ba gago ba a akarediwa jaaka go tshwanetse. Re ka se tsweletse foromo ya gago fa dintlha tsa lekwaloitshupo la gago di sa tlamelwa. Ka jalo, o pateletsega go tlatsa karolo e ka botlalo.
Tsweetswee tlhopha MOFUTA O LE MONGWE go tswa mo lenaneng le le fa tlase e bile o tshwaye bokoswana e e maleba ka X.
Go busediwa tšhelete ya ditleleimi yotlhe go dirwa ka kelo ya Sekema gammogo le go tsamaelana le melawana ya Sekema.
Badirakopo ba ba thapilweng: Tsweetswee bontsha mogolo wa gago wa kgwedi wa motheo. Fa e le gore o mo legatong la bogareng kgotsa la kwa bogodimong jwa bolaodi, tsweetswee bontsha mogolo wa gago otlhe wa kgwedi. Akaretsa selipi sa mogolo sa sešwengšeng kgotsa lekwalo la go rebolelwa tiro fa e le gore o mothapiwa yo montšhwa.
Fa karabo e le ee, a o leloko-legolo kgotsa motlhokomelwa?
Fa e le gore o leloko/motlhokomelwa wa sekema se sengwe sa kalafi, tsweetswee akaretsa setifikeiti sa gago sa botokololo go tswa kwa sekemeng sa kalafi sa pele se se netefatsang letlha la go khutlisa botokololo (dikarata tsa botokololo ga di a lekana). O tshwanetse go netefatsa gore botokololo jwa gago mo sekemeng sa kalafi sa ga jaana, bo phimotswe pele o ka bona dithuso tsa GEMS.
Tšhelete ya kgwedi le kgwedi e e duelwang ke bathapiwa e gogiwa ka tlhamalalo go tswa mo megolong ya bona fa go leng maleba.
Fa e le gore o tlhopha go duela ka debit order o tlhoka go tlatsa Dintlha tsa go banka tsa leloko fa tlase Karolo ya H.
Dintlha tsa akhaonto ya banka: Di tlhokega mo mabakeng a fa leloko le tshwanetse go busediwa tšhelete ka tlhamalalo, gammogo le fa ke tshwanetse go duela tšhelete mo Sekemeng. Re ka se tsweletse tšhelete e o tshwanetseng go e busediwa fa re sena dintlha tsa gago tsa banka mo direkotong tsa rona.
Bolaodi jwa tlamelo ya pholo jo bo nang le tshedimosetso efe kana efe, e le ka seemo sa go sa tlhagise gore motho ke mang, e e tlhokegang mo mererong ya tsamaiso le dipalopalo, fa fela tshedimosetso e e jalo e tla tsholwa e le sephiri ka dinako tsotlhe.
Go botlhokwa go naya GEMS e bile/kgotsa baemedi ba yona tetla ya gago go buisana le ngaka/dingaka tsa gago, bookelo kgotsa motlamedi wa tsa pholo ofe kana ofe go netefatsa gore o amogela tlhokomelo ya maemo a a kwa godimo.
Diteng tsa foromo e ke nnete, di nepagetse e bile di feletse. Fa go ka nna le tshedimosetso e e sa tlhagisiwang kgotsa le go sa bue boammaruri ka tsela nngwe, ke tlhaloganya gore botokololo jwa me bo ka khutlisiwa e bile nka lopiwa go busetsa Sekema tšhelete, ya boleng jo bo ka bong bo sa ntshiwa mo boemong jwa me, seemo se se ka fetogang fa morago ga ditsamaiso tsa go ipelaetsa fela ka ntlha ya go sotlaka ditshwanelo kgotsa ditlotla (privileges) tsa Sekem.
Ke dirile tlhopho ya me ya mofuta e bile ke ikgotsofaditse ka ga sethalo sa ditshwanelo se se tlhagelelang mo mofuteng o.
Ke dumela go ithuta go itse melawana ya Sekema.
Baamogela-ditshwanelo ba me, ntle le mogatsa-ke/molekane wa me, ba tlhokometswe ke nna ka botlalo kgotsa e seng ka botlalo mo e leng gore ba tlamelwa ke nna e seng ka botlalo go se amogele lotseno la ngwaga le le fetang bogodimo jwa tšhelete ya penšene ya puso kgotsa ga ba a thapiwa nako e e tletseng ka letlha la go saena foromo e.
Ke na le kitso ya gore GEMS e ka tsenya sebaka-kemo sa kakaretso e bile/kgotsa se se nang le mabaka a a tsepameng, jaaka go tlametswe mo Molaong wa Dikema tsa Kalafi (Wa bo 131 wa 1998).
Ke tlhaloganya gore dintlha tsa me tsa bosebele gammogo le tshedimosetso ya me ya tsa pholo (e e amogetsweng go tswa go batlameding ba tsa kalafi go na le thebolelelo-tetla e e tlhamaletseng) di tla tsholwa e le sephiri.
Ke na le kitso ya gore tshedimosetso ya bosebele ya pholo gammogo le ya bosebele ya me le ya batlhokomelwa ba me di ka dirisetswa dipatlisiso, datha ya dipalopalo, mabaka a tsa tlhokomelo le go bega, e bile go fapoga gofe kana gofe mo dintlheng tse go tla tsewa e le go tlola molawana wa bosephiri.
Ke tlhaloganya gore fa go ka diragala gore GEMS e eletse go dirisa tshedimosetso ya bosephiri ya me kgotsa ya batlhokomelwa ba me ka ntlha ya mabaka a sele go na le a a tlhalositsweng mo maikanong a, GEMS e tshwanetse go lopa thebolelo-tetla e nngwe gape go tswa mo go nna le mo batlhokomelweng ba me.
Ke tlhaloganya gore tshedimosetso ya me ya bosebele le e e mabapi le tsa pholo ya me, ga e kitla e dirisetswa mabaka a a amanang le kgwebo kgotsa ga e kitla e rekisiwa go bona moputso.
Ke tlhaloganya gore GEMS e reboletse batho bangwe mo teng ga setlamo gammogo le batsereganyi ba ba thapilweng ka konteraka phitlhelelo go tshedimosetso ya maloko ya bosebele le e e mabapi le tsa pholo.
Ke tlhaloganya gore GEMS gammogo le batsereganyi ba yona ba ba thapilweng ka konteraka ba tla dirisa tshedimosetso ya tsa kalafi/pholo/phekolo/tsamaiso e e tlametsweng go dira merero e e latelang - go tsweletsa foromo ya kopo ya botokololo, go duelela go busa tšhelete ya ditleleimi, go swetsa ka ga ditshwanelo tse di tshwanetseng go amogelwa ke leloko gammogo le tiragatso ya bolaodi jwa kotsi (risk management practice).
Ke tlhaloganya gore GEMS e tsene mo ditumalanong tsa bosephiri le batsereganyi botlhe ba ba thapilweng ka konteraka, ba ba nang le phitlhelelo go tshedimosetso ya baamogela-ditshwanelo ka ntlha ya mabaka a phetiso le taolo ya datha, tsamaiso ya sekema gammogo le dithulaganyo tsa tlhokomelo e e laolwang.
Ke tlhaloganya gore badiri botlhe kwa GEMS gammogo le batsereganyi ba yona ba ba thapilweng ka konteraka ba tlamilwe ke ditumalano tsa ka fa teng tsa bosephiri.
Ke tlhaloganya gore GEMS e tla netefatsa gore dikgato tsa tshireletso ya datha e e lekaneng di teng.
Ke tlhaloganya gore fa go ka nna le go sa ikobele bosephiri, GEMS e tla tsaya maikarabelo e bile go sa ikobele go, go tla laolwa go ya ka ditsamaiso tsa GEMS tsa ka fa teng.
Fano ke rebolela GEMS tetla gotlhelele go diragatsa kgogo ya tuelo ya kgwedi le kgwedi fela ka gangwe go simolola ka letlha le ke nnang leloko ka lona.
Nna, jaaka leloko la GEMS, ke tsaya maikarabelo a dituelo tsa kgwedi le kgwedi go GEMS.
Ke netefatsa gore ke a itse gore GEMS e ka tsenya tirisong ditiro tsa bolaodi jwa sekoloto, jaaka go tlametswe mo melawaneng ya Sekema, kgatlhanong le nna mo mabakeng a fa ke tlodisitse go duela madi a kabo kgotsa dituelo tse dingwe tse di tshwanetseng go dirwa go GEMS.
Nna kgotsa mongwe wa batlhokomelwa ba me ga re baamogela-ditshwanelo ba sekema se sengwe sa kalafi se se kwadisitsweng.
Ke tla itsise Sekema ka ga diphetego dife kana dife ka ga pholo kgotsa seemo sa bosebele sa motlhokomelwa wa me, jaaka melawana ya Sekema e tlhalosa, mo teng ga malatsi a le 30 a phetogo eo.
Ke tla itsise GEMS bonnye diura tse 48 pele ga kamogelo ya kwa bookelong ya maemo a e seng a tshoganyetso. Ke amogela gore go sa dire jalo, go ka lebisa kwa go reng ke duela bontlha-bongwe jwa tuelo.
Ke amogela gore Sekema/baemedi ba sona ba tla duelela ditleleimi tse e tsayang gore di siame e bile di tsamaelana le melawana ya Sekema.
Ka dinako tsotlhe melawana e tla tswelela go nna mo tirisong e bile ke amogela gore makwalo, makwalo adikgang ga a tsene mo legatong la melawana ya sekema.
Ke dumela gore dipuisano tsotlhe magareng ga me le Sekema kgotsa le batsereganyi ba yona ba ba thapilweng ka konteraka di ka gatisiwa.
Dintlha tsa bosebele le tshedimosetso ya tsa kalafi tsa leloko (tse di bonweng go tswa mo batlameding ba tsa kalafi morago ga gore leloko le rebole tetla) di tla tsholwa e le sephiri.
Tshedimosetso ya leloko (tshedimosetso ya bosebele le ya pholo) ga e kitla e dirisetswa mabaka a a amanang le kgwebo kgotsa ga e kitla e rekisiwa go bona moputso.
Dikgato tsa tshireletso ya datha di teng.
Phitlhelelo e rebolelwa batho ba ba ka fa teng ga setlamo gammogo le batsereganyi ba yona ba ba thapilweng ka konteraka, tshedimosetso ya baamogela-ditshwanelo ya bosebele le pholo.
Sekema le batsereganyi ba yona ba ba thapilweng ka konteraka ba tla dirisa tshedimosetso ya tsa kalafi/pholo/ phekolo/tsamaiso e e tlametsweng go dira merero e e latelang: go tsweletsa foromo ya kopo ya botokololo, go duelela go busa tšhelete ya ditleleimi, go swetsa ka ga ditshwanelo tse di tshwanetseng go amogelwa ke leloko gammogo le tiragatso ya bolaodi wa kotsi (risk management practice).
Badiri botlhe ka fa teng ga Sekema gammogo le batsereganyi ba yona ba ba thapilweng ka konteraka, ba tlamilwe ke ditumalano tsa ka fa teng tsa bosephiri.
Sekema se netefaditse gore go tsenwe mo ditumalanong tsa bosephiri le batsereganyi ba yona botlhe ba ba thapilweng ka konteraka, ba ba nang le phitlhelelo go tshedimosetso ya baamogela-ditshwanelo ka ntlha ya mabaka a phetiso le taolo ya datha, tsamaiso ya sekema gammogo le dithulaganyo tsa tlhokomelo e e laolwang.
Mo mabakeng a go tlolwa ga molawana wa bosephiri, sekema se tla tsaya maikarabelo a go sa ikobele go, e bile se se tla laolwa go ya ka ditsamaiso tsa sekema tsa ka fa teng.
Tsweetswee o se ka wa busa kaelo e le foromo ya kopo ya gago e e tladitsweng.
Khopi ya Lekwaloitshupo la leloko-legolo.
Foromo ya M2 e e tshwanetseng go romelwa le foromo ya kopo fa o tlhoka go fetola dintlha tsa gago tsa sekema sa kalafi gammogo le go tswelela go amogela ketleetso ya gago e o ntseng o e amogela.
Diforomo tsa Z583 fa e le gore o rola tiro ka ntlha ya bogodi e bile o tlhoka go dira kopo ya go tswelela pele ka botokololo kgotsa fa e le gore o motlhokomelwa yo o tlhokang go tswelela pele ka botokololo morago ga loso lwa Leloko-legolo.
Lekwalo le le netefatsang go amogela ketleetso go tswa kwa Botsholamatlotlong jwa Bosetšhaba fa go leng maleba.
Setifikeiti sa botokololo go tswa kwa sekemeng sa kalafi sa pele se se nang le letlha la go khutla.
Tshaeno ya gago fa go tlhokegang (Dikarolo tsa H, I le J).
O a patelesega go tlatsa tshedimosetso yotlhe mo Karolong ya A, fa go leng maleba.
Nomoro ya gago ya PERSAL e ka bonwa mo seliping sa mogolo wa gago. Bapenšenara: Tsweetswee tlamela ka Nomoro ya gago ya Penšene e e tlhagelelang mo makwalong a gagokgotsa mo Setifikeiting sa Penšene go tswa kwa go Botsholamatlotlo jwa Bosetšhaba.
Tsweetswee bontsha leina le khoutu ya setlamo sa mothapi wa gago wa ga jaana. Khoutu ya setlamo sa gago e ka bonwa mo seliping sa mogolo wa gago, fa e le gore o modiredi-puso.
Tsweetswee tlatsa dintlha tsa batlhokomelwa ba gago mo Karolong ya B ya Foromo ya kopo. Ke pateletsa gore o tlatse dintlha tsa makwaloitshupo a batlhokomelwa ba gago mo karolong e. Re ka se kgone go tsweletsa kopo ya gago fa tshedimosetso e, e sa tlamelwa.
Ga go batlhokomelwa bape ntle le ba ba tlhagisitsweng fa tlase ba ba tla akarediwang mo botokololong.
Karolo ya motlhokomelwa e e tladitsweng mo foromong ya kopo.
Karolo ya motlhokomelwa e e tladitsweng mo foromong ya kopo Ela tlhoko: Fa e le gore sefane sa ngwana se farologane le sa Leloko-legolo, go tlhokega afitafiti e e netefatsang tlamego go ngwana gammogo le go tlhalosa lebaka la go farologana ga difane (Afitafiti ya maikano e tshwanetse go tlatswa ke Leloko-legolo). Ela tlhoko: Mogatsa o tshwanetse a bo a kwadisitswe go kgona go kwadisa ngwana yo o tlang ka nyalo.
Fa e le gore ngwana ga se moithuti kgotsa ga a na bogole Afitafiti go tswa go Leloko-legolo e e netefatsang go tlamelwa ka matlole Ela tlhoko: Mogatsa o tshwanetse a bo a kwadisitswe go kgona go kwadisa ngwana yo o tlang ka nyalo.
Afitafiti go tswa go Leloko-legolo e e netefatsang go tlamelwa ka matlole ga baamogeladitshwanelo ke leloko Ela tlhoko: Ngwana wa leloko kgotsa leloko kgotsa mogatsa wa leloko o tshwanetse a bo a kwadisitswe go kgona go kwadisa ngwana-ka-nyalo.
Afitafiti go tswa go Leloko-legolo e e netefatsang go tlamelwa ka matlole ga baamogeladitshwanelo ke leloko Ela tlhoko: Batsadi-ka-nyalo le Borremogolo/bommemogolo-ka-nyalo ba ka kwadisiwa fela fa e le gore mogatsa le ene o kwadisitswe jaaka moamogeladitshwanelo.
Afitafiti ya maikano e e netefatsang go tlamelwa ka matlole ga ngwana-wa-ngwana ke Leloko-legolo. (Afitafiti ya maikano e tshwanetse go tlatswa ke Leloko-legolo gammogo le motsadi wa madi, fa go leng maleba) Ela tlhoko: Fa e le gore motsadi wa ngwana le ene o kwadisitswe jaaka motlhokomelwa, afitafiti e tlhokega fela go tswa mo Leloko-legolong mo mabakeng a ngwana-wa-ngwana kgotsa kokomane fela.
Afitafiti ya maikano e e netefatsang go tlamelwa ka matlole ga bonkgonne/bokgaitsadi ke Leloko-legolo. (Afitafiti ya maikano e tshwanetse go tlatswa ke Leloko-legolo) Ela tlhoko: Nkgonne/kgaitsadi wa mogatsa wa Leloko-legolo a ka nna a kwadisiwa jaaka motlhokomelwa. Ela tlhoko: Mogatsa o tshwanetse a bo a kwadisitswe go kgona go kwadisa bonkgonne/bokgaitsadi ba gagwe.
Afitafiti ya maikano e e netefatsang go tlamelwa ka matlole ga bana ba bonkgonne/bokgaitsadi ke Leloko-legolo. (Afitafiti ya maikano e tshwanetse go tlatswa ke Leloko-legolo gammogo le bonkgonne/ bokgaitsadi, fa go leng maleba) Ela tlhoko: Bana ba bonkgonne/bokgaitsadi ba Leloko-legolo kgotsa mogatsa wa Leloko-legolo ba ka kwadisiwa jaaka batlhokomelwa. Ela tlhoko: Fa e le gore motsadi wa ngwana le ene o kwadisitswe jaaka motlhokomelwa, afitafiti e tlhokega fela go tswa mo Leloko-legolong mo mabakeng a ngwana wa nkgonne/kgaitsadi fela.
Makwaloitshupo kgotsa ditifikeiti tsa botsalo di a batlega go kwadisa batlhokomelwa botlhe.
Tsweetswee, ela tlhoko gore ngwaga le ngwaga, modirelwa kgotsa badirelwa ba bagolo ba ka nna ba sekasekiwa sešwa gore a ba santse ba ka rebolelwa tirelo. Ngwaga le ngwaga, maloko a tshwanetse go tlamela ka bopaki jwa gore ba santse ba tlamela badirelwa botlhe ba ba dingwaga tse di fetang tse 21, ntle le ba ba repetlaneng dithwe.
Diafitafiti tse di tlhalositsweng fa godimo di tshwanetse go tlatswa gammogo le dipotso tsa kalafi tsabatlhokomelwa ba ba repetlaneng dithwe e bile di ka bonwa mo go website ya GEMS mo gowww.gems.gov.za kgotsa e ka bonwa ka go leletsa tikwatikwe ya megala mo go 0860 00 4367.
Fa e le gore o tshwanetse go romela afitafiti, o tlhoka go ya kwa seteišeneng sa sepodisi se se gaufi le wena kgotsa kwa mothong yo o reboletsweng tetla ya go nna mokhomišenara wa maikano go tlhomamisa gore se o se bolelelang GEMS ke nnete e bile se nepagetse.
Isa diforomo tsa "Pegelo ya tshekatsheko ka ngaka (Bogole)" kwa ngakeng e e maleba mme o e kope gore a e tlatse. Ketelo e e tla duelwa go tswa mo thusong ya go bona dingaka ga maloko a a kwadisitsweng. Maloko a a sa kwadisiwang a tshwanetse go ituelela ketelo e go tswa mo dikgetseng tsa ona.
Tsweetswee dira tlhopho ya gago ka tshwanelo, gonne o ka se letlwe go fetola tlhopho ya gago mo tsamaong ya ngwaga ntle le tumelelo ya Boto ya Baemedi-ba-Matlole.
Dithuso tsa gago tsa kwa ntle ga bookelo gammogo le dithuso tse dingwe di tla fokodiwa go tsamaelana le gore o ikwadisitse leng fa e le gore letlha la ikwadiso ga se 1 Ferikgong. Se se kaya gore ditekanyetso tsa dithuso tsa gago di tla balelwa go tsamaelana le sebaka sa botokololo se se setseng mo ngwageng fa o sale o ikwadisa.
O tla kgona go fetola tlhopho ya gago kwa bofelong jwa ngwaga mongwe le mongwe go simolola ka letsatsi la ntlha la ngwaga o o latelang.
O tlhoka go bontsha letlha le o eletsang go ikwadisa mo go GEMS mo Karolong ya D ya Foromo ya kopo.
Letlha la go amogelwa ga gago le tshwanetse go nna ka letsatsi la ntlha la kgwedi.
Fa go kgonegang, netefatsa gore letlha la go amogelwa ga gago kwa GEMS go latela ka tlhamalalo go khutlisiwa ga botokololo jwa gago kwa sekemeng sa kalafi sa pele, gonne kgaogo mo botokololong e ka ama ketleetso e o e amogelang kwa mothaping wa gago.
Fa e le gore ga go a tsenngwa letlha lepe, letlha la gago la kwadiso le tla swetswa go nna letsatsi la ntlha lakgwedi e e latelang gore go se nne le dikoloto dipe.
Fa e le gore letlha la go ikwadisa le o le tlhophileng le baka dikoloto tsa dituelo, tuelo e tla gogiwa mo mogolong wa gago kgotsa mo akhaontong ya gago ya banka (fa go leng maleba).
Fa go tla mo bathapiweng ba bantšhwa, letlha la gago la kwadiso le ka se nne kwa pele ga letlha la go thapiwa ga gago.
Badirakopo ba bapenšenara: Tsweetswee tlatsa foromo ya M2 le foromo ya Z583 go netefatsa go bona ketleetso go tswa kwa Lefapheng la Matlotlo. Diforomo tse di ka bonwa mo go website ya GEMS e bong www.gems.gov.za kgotsa ka go leletsa Tikwatikwe ya megala mo go 0860 00 4367. Fa e le gore o na le lekwalo la Botsholamatlotlo jwa Bosetšhaba le le netefatsang ketleetso ya gago, tsweetswee le kgomaretse mo foromong ya kopo, gonne le tla dira gore tsweletso ya kwadiso e nne bobebe le go feta.
Badirakopo ba ba thapilweng: Tsweetswee bontsha mogolo wa gago wa kgwedi wa motheo. Fa e le gore o mo legatong la bogareng kgotsa la kwa bogodimong jwa bolaodi, tsweetswee bontsha mogolo wa gago otlhe wa kgwedi. Akaretsa selipi sa mogolo sa sešwengšeng kgotsa lekwalo la go rebolelwa tiro fa e le gore o mothapiwa yo montšhwa.
Tsweetswee kgomaretsa setifikeiti sa botokololo se se nang le letlha la bofelo go tswa kwa sekemeng sa kalafi sa pele.
Peomolao e swetsa gore wena kgotsa batlhokomelwa ba gago le ka se kwadisiwe mo dikemeng tsa kalafi tse pedi ka nako e le nngwe.
Tsweetswee ikgolaganye le sekema sa gago sa kalafi sa pele mme o ba kope go go tlamela ka setifikeiti sa botokololo se se nang le letlha la bofelo jaaka bopaki jwa botokololo.
Tsweetswee ela tlhoko gore fa e le gore setifikeiti sa gago sa botokololo ga se bontshe letlha la bofelo, gare kgone go ka se dirisa. Gakologelwa go tlatsa le go romela lekwalo la go khutlisa botokololo jwa gago kwasekemeng sa kalafi sa pele, fa e le gore ga o ise o dire jalo.
Fa e le gore ga o kgone go bona setifikeiti sa botokololo, re tla amogela go lekwalo la go khutlisiwa ga botokololo jwa gago kwa sekemeng sa gago sa pele sa kalafi jaaka bopaki jwa go khutlisa, fela e tshwanetse go nna lekwalo le le kwadilweng mo go letterhead ya sekema se.
Fa e le gore o itemogela bothata mo go khutliseng go gogelwa tšhelete go tswa mo mogolong wa gago ka ntlha ya botokololo kwa sekemeng sa gago sa pele sa kalafi, tsweetswee kopa modiri wa kwa lefapheng la tsa badiri (HR) go emisa seno, go sa nneng jalo GEMS e ka se kgone go tsenya tirisong go gogelwa tšhelete go tswa mo mogolong wa gago.
Ke pateletsa go tlatsa dikarolo tse ka botlalo, gonne go ka se samaganwe le kopo ya gago fa dintlha tsa go banka di sa tlamelwa.
Tsweetswee netefatsa gore o buisa dikarolo tse ka kelotlhoko pele o saena dikarolo tse mo foromong ya kopo ya gago.
Tsweetswee ela tlhoko: Foromo ya kopo ya gago e ka se tswelediwe ntle le tshaeno ya gago.
Fa e le gore o tlhopha go ikwadisetsa Sapphire kgotsa Beryl, o tlhoka go ela tlhoko tse ke ditlhopho tsa sentlhaga. Se se kaya gore wena le batlhokomelwa ba gago le tla tshwanela ke go dirisa fela batlamedi ba tsa kalafi ba ba mo sentlhageng sa GEMS. Ngaka ya lelapa/ngaka ya meno/ngaka ya matlho ya gago e ka tswa e sa kwadisiwa jaaka motlamedi wa sentlhaga. Fa go ntse jalo, o tlhoka go leletsa tikwatikwe ya megala ya GEMS mo go 0860 00 4367 go batlisisa ka ga motlamedi wa tirelo yo o mo kgaolong ya gago.
GEMS e itsalantse le dingaka, dingaka tsa meno, gammogo le batlamedi ba tsa pholo ba ba diketekete go tlamela maloko ka rejisetara ya batlamedi e e matswatswa e e tlisang batlamedi ba kalafi gaufi le maloko. Batlamedi ba, ba dumetse go sa duedise maloko a GEMS ditlhwatlhwa tse di kwa godimo ga tsa kelo ya Sekema, se se kayang gore ga o a tshwanela go duela "Friend of GEMS" fa o mo etetse, go tswa mo kgetseng ya gago.
Go batla "Friend of GEMS" mo kgaolong ya gago, romela fela SMS go 33489 mme o kwale dintlha tse, nomoro ya gago ya botokololo, mofuta wa motlamedi wa kalafi, motsanathoko kgotsa karolo ya ona, gammogo le toropo e o e batlang.
Tirelo e, e maleba mo ditlhophong tsotlhe.
Fa e le gore wena kgotsa mongwe wa batlhokomelwa ba gago le tshela ka HIV/AIDS, go tlabo go le mo kgatlhegelong ya gago go ikwadisa mo lenaneong la botsamaisi jwa HIV/AIDS ya GEMS ka go leletsa Aid for AIDS mo go 0860 100 608. Se ke lenaneo la bosephiri, e bile mothapi kgotsa sekema ga di na phitlhelelo go tshedimosetso ya ga motsaya-karolo.
Melemo ya malwetse a a sa foleng e reboletswe go alafa maemo a a tsweletseng pele jaaka bolwetse jwa madi a magolo kgotsa jwa khemo (asthma) e bile e nowa ka dinako tsotlhe.
GEMS e tlamela ka dithuso tse di tletseng tsa molemo wa malwetse a a sa foleng go maloko otlhe. Gore o kgone go ka rebolelwa melemo wa malwetse a a sa foleng, o tshwanetse go ikwadisetsa lenaneo la phekolo ya malwetse a a sa foleng, morago fela fa o se na go amogela kitsiso ya gore jaanong o leloko le le kwadisitsweng la GEMS.
Melemo ya nako e khutshwane e e tlhwatlha-godimo e e tla thibelang kalafi e e e tlhwatlhwa-godimo jaaka go robala kwa bookelong.
Fa e le gore o mo tlhophong ya Sapphire kgotsa Beryl, ngaka ya gago ya sentlhaga sa GEMS, morago ga go netefatsa bolwetse jwa gago, e tla nna le maikarabelo a go kwadisa seemo sa gago mo go GEMS gammogo le go bona thebolelo-tetla ya melemo ya gago ya malwetse a nako e telele.
Morago ga go kwadisiwa mo lenaneong, melemo ya gago e e reboletsweng tetla e tla duelelwa ka botlalo, fa fela o e amogela kwa khemising e e supilweng go ka tsamaisa melemo (Medipost). Ngaka ya gago ya sentlhaga sa GEMS e tla go thusa ka dithulaganyo tse.
Tsweetswee ela tlhoko gore ke fela melemo e e mo lenaneong la melemo ya Sapphire le Beryl e e tla duelelwang.
Fa e le gore o mo go Ruby, Emerald kgotsa Onyx, o tlhoka go dira kopo go bona molemo wa gago wa malwetse a a sa foleng ka go amogela foromo ya kopo ya molemo wa malwetse a a sa foleng go tswa kwa tikwatikweng ya megala ya GEMS kgotsa ka go e gatisa go tswa mo go website ya rona kwa www.gems.gov.za.
Morago ga gore ngaka ya gago e go tlhatlhobe le go tlatsa foromo ya kopo, o tlhoka go romela foromo e ka fekese gammogo le lekwalo la ngaka la thebolo ya melemo e e ka tsewang gape le gape mo go 0866 51 8009 gore di tswelediwe. Kgotsa o ka nna wa di romela ka e-mail mo go chronicDSP@gems.gov.za. Ka gale netefatsa gore kopo ya gago e tladitswe gotlhe le go saeniwa ke wena le ngaka ya gago.
Setlhopha sa sekalafi se tla leba dintlha tsa gago e bile fa go tlhokega se tla ikgolaganya le ngaka ya gago (e ka tswa e le ka mogala kgotsa ka lekwalo) e le go tlhopha melemo e e leng maleba e bile/kgotsa e e seng tlhwatlhwagodimo. O tla romelwa molaetsa wa SMS o tlhalosediwa seemo sa kopo ya gago (rasiti le thebolo ya tetla). Kopo ya gago e tla tsaya bokana ka malatsi a tiro a le supa go tsweletswa.
Foromo ya kopo ya molemo o o sa foleng e tshwanetse go tladiwa go leloko lengwe le lengwe la lelapa le le tlhokang molemo wa malwetse a a sa foleng.
Boloka khopi ya foromo e e tladitsweng mo direkotong tsa gago.
Mametlelela diteko tse di tshegetsang/dipatlisiso tse di kgethegileng le makwalo a a tlaleletsang jaaka go kopilwe go tila ditiego mo go tsweletseng kopo ya gago.
Morago ga gore kopo ya gago e amogelwe, o tla amogela lekwalo la thebolelo-tetla le le tlhagisang melemo e e tla duelelwang go tswa mo Thusong ya gago ya Molemo wa malwetse a a sa foleng. Lekwalo gape le tla bontsha gore ke melemo efe e e mo Lenaneng la Melemo (Medicine Price List - MPL) le le amogetsweng, gammogo le melemo e go tlhokegang gore go duelwe dituelo dingwe tsa melemo e e seng mo lenaneng (out-of-formulary copayments).
Melemo e mengwe, e e sa duelelweng sepe, e teng. Tsweetswee buisanela kgonagalo ya go dirisa setlhagisiwa se sengwe le ngaka ya gago ya melemo fa o eletsa go tila tuelo e. Fa e le gore molemo o o reboletsweng tetla o farologane le molemo o o o kopileng, lekwalo la tlhaloso le tla akarediwa mo lekwalong la thebolelo-tetla e bile khopi e tla romelwa go ngaka ya melemo.
Fa e le gore kopo ya gago ga e amogelwe, o tla romelwa lekwalo e bile khopi e tla romelwa go ngaka ya gago ya melemo. Fa e le gore tshedimosetso ya sekalafi go ya pele e a tlhokega, kopo ya gago e tla sekasekwa gape fa fela tshedimosetso e e maleba e se na go amogelwa go tswa kwa ngakeng ya gago. Ngaka ya gago e ka nna ya leletsa 0860 100 608 go bona thuso.
Fa e le gore melemo ya gago ya malwetse a a sa foleng e a fetoga ka tsela nngwe, o tshwanetse go itsise GEMS. Tsweetswee romela lekwalo la ngaka la thebolo ya melemo e e ka tsewang gangwe le gape ka fekese go bona melemo e mešwa go tswa go motlamedi wa tirelo ya melemo e e sa foleng yo o supilweng mo go 0866 51 8009.
Modiri wa GEMS wa motlamedi wa tirelo ya melemo e e sa foleng yo o supilweng o tla ikgolaganya le wena mo sebakeng sa diura tse 48, go dira dithulaganyo tsa go romelwa ga melemo ya gago.
Morago ga go tsweletsa foromo ya kopo ya gago, o tla amogela SMS go netefatsa gore kopo ya gago e gorogile. O tla itsisiwe fa e le gore go na le ditokomane tsa tlaleletso dife kana dife tse di tlhokegang go tlamelwa go kgona go feleletsa kwadiso ya kopo ya gago.
Morago ga go fetsa ka ga kwadiso ya foromo ya kopo ya gago, pakana ya leloko e e akaretsang dikarata tsa botokololo jwa gago gammogo le kaelo ya leloko e e tletseng, di tla romelwa ka poso go aterese ya gago ya poso.
<fn>(527201093149 AM) Setswana Maternity Programme.txt</fn>
ka tshegetso, thuto le kgakololo mo wa kgetse o tla nna a ikgolaganya le wena morago ga go magatong otlhe a boimana jwa gago, fa o sa amogelwa kwa bookelong gammogo le fa o se na go belega. sute, le sebaka sa fa morago ga go belega (postnatal). Maikaelelo ke go go tlamela ka kgakololo le tshedimosetso tse di tsweletseng kwa tshimologong fela fa o se na go Lenaneo la Boimana le eteletswe pele ke baoki ba ba nang nna motsadi wa lesea le le sa tswang go belegwa (early le maitemogelo e bile ba kwadisitswe gammogo le go nna le parenthood). borutegi jwa tlaleletso mo go midwifery.
Kgakololo ka ga dithuso tse di tla duelelwang ke GEMS motsadi ya GEMS fa o sena go ikwadiswa mo Lenaneong ka nako ya fa o sa sute le ditsela (alternatives) tse dingwe la Boimana. tse o ka nnang le tsona.
Phitlhelelo go tshedimosetso ka ga tlamelo ya boitekanelo ya boraro ya boimana jwa gago.
Phitlhelelo ya mahala go ditirelo tsotlhe tse di rebolwang ke Lenaneo la Boimana. tseyeng ditshwetso ka ga boitlhophelo jwa boitekanelo le go belega ga gago.
Tetlelelo ya go amogelwa ga gago kwa bookelong/lefelo jwa gago le fa morago ga go belega ngwana wa gago. la pelegelo ya tlhopho ya gago.
Lenaneo la Tlhokomelo go kaetsa ngaka ya gago ka ga kalafi e e maleba e e tlhokegang ka nako boimana jwa mo dibekeng di le mmalwa tsa ntlha tsa go nna motsadi gago. wa lesea le le sa tswang go belegwa.
ELA TLHOKO: Go itumelela dithuso, o patelesega go ikwadisa mo lenaneong.
Go go gakolola ka ga merero e e jaaka dijo tse o tshwanetseng go di ja, go ikatisa, go sa iketlang go gonnye ka nako ya boimana, go belegela kwa gae, melemo e o e ithekelang (self-medication) le go anyisa ka lebele.
Go go maatlafatsa ka ga go itlhokomela ka nako ya boimana, ga go belega le fa morago ga go belega.
Fa e le gore ngwana wa gago o amogetswe kwa yuniting ya debekenyana morago ga go belegwa (neo-natal) ka ntlha ya lebaka lefe kana lefe, molaodi wa kgetse o tla baya tswelopele ya ngwana wa gago leitlho ka go ikgolaganya le bookelo.
Molaodi wa kgetse gape o tla nna teng go naya wena le ngwana wa gago tshegetso go fitlha ka nako ya tlhatlhobo ya fa morago ga go belegwa (postnatal check-up).
Molaodi wa kgetse o kgona go go romela kwa ditlabekelong tse di maleba tse di akaretsang baoki-babelegisi, dingaka, bomankge, maokelo, diyuniti tsa go belegela gammogo le ditlhopha tsa tshegetso mo teng ga Aforika Borwa.
<fn>(730201033453 PM) GEMS AR09-10_Setswana.txt</fn>
c Modulasetulo wa kopano o netefaditse gore ditlhokwa tsa khoramo ya maloko a le 30 di tlhagisitswe mo Molawaneng wa GEMS wa 28.1.3 di fitlheletswe.
d Ka kopano e e akaretsang go tsweletsa ka tlhomamo le go tlosa merero ya tlaleletso mo lenanetemeng, Modulasetulo wa kopano o netefaditse gore kitsiso e e neng e bitsa kopano ya Ngwaga-le-Ngwaga ya Boraro ya maloko a Sekema mmogo le lenaneo-tshimololo, pegelo ya Boto ya Bolaodi jwa matlole, pegelo ya kanego ya boruni e e khutshwafaditsweng ya matlotlo ya Ngwaga-le-Ngwaga, e tlhaloseditswe maloko pele ga Motsheganong 2009 go ya ka Molawana wa Sekema.
f Kopano e sekasekile molaetsa wa bidio go tswa go Modulasetulo wa Boto ya Bolaodi-jwa-matlole, Porofesara Richard Levin ka ga tse di itlhomileng kwa pele mo Sekemeng ka ngwaga wa 2008.
g Modulasetulo wa kopano o neetse Motlhankedi-mogolo wa Sekema, Ngaka Eugene Watson, tšhono ya go begelela kopano ka ga tiro ya bogato jwa Sekema ka nako ya tshekatsheko-sešwa. Ngaka Watson o tsweletse go tlamela kopano ka diponagalo tsa botlhokwa tsa tiro ya Sekema kgatlhanong le maano a nako e e tlang a a dumeleletsweng ka 2008 le dikaedi tsa kgwebo e kgolo le le tlwaelo e e tlhageletseng ka nako ya tshekatsheko-sešwa.
b Modulasetulo wa kopano o netefaditse gore maloko ga a ise a romele diphitlhelelo tse di tshitshintsweng go ya ka tumalano ya Molao wa 28.1.5 mme a tlhamalela kwa kamogelong ya lenanetemeng le le neetsweng maloko kwa tafoleng ya ikwadiso. Kopano e ne ya ela tlhoko gore maloko mangwe a dirisitse diforomo tsa go ememla bangwe go romela dikatlanegiso go Sekema le gore merero mengwe e tla sekasekwa ka nako ya dipotso le dikarabo. Rre Adriaan Van Wyk o tshitshintse gore lenaneo le amogelwe mme tshtshinyo ya tshegediwa ke Rre John Themba.
Go thala le go amogela kanego ya tsa matlole ya Ngwaga-le-Ngwaga ya ngwaga o o fedileng ka 31 Sedimonthole 2008; le iii Go thapiwa ga baruni ba ba ikemetseng ba Sekema mo ngwageng wa ditšhelete o o fedileng ka 31 Sedimonthole 2009.
b Kopano e etse tlhoko gore go ya ka Melao ya Sekema, diphitlhelelo tse di fetisitsweng kwa kopanong nngwe le nngwe ya ngwaga-le-ngwaga e tla nna go ya ka gore ke mang yo o tlhophilweng ka bontsi go feta mo malokong a a leng teng le a a emetseng ba bangwe.
c Modulasetulo o ne a sedimosetsa kopano gore Sekema se amogetse diforomo tsa go thapa baemdi tse di letleletsweng di le 207 ka letlha la bofelo la 19 Seetebosigo 2009. Palogotlhe ya 48 ya diforomo tsa boemedi e ne ya tshwanelwa ke go kgaolwa ka di ne di na le botokololo jo bo sa lolamamg kgotsa batho ba eseng maloko a Sekema jaaka baemedi.
d Kopano e etse tlhoko le go feta gore maloko a Sekema a a neng a thapilwe ke maloko a mangwe go tlhopha mo boemong jwa bona, botlhe ke Balaodi jwa Matlole le setlhopa sa Khuduthamaga ya Botsamaisi jwa Sekema. Batho ba ba thapilweng jalo, ba tlhagisitse kwa kopanong ya 23 Seetebosigo 2009 ya Boto ya Bolaodi-jwa-matlole ka fa ba eletsang go tlhopa go ya ka nngwe le nngwe ya diphitlhelelo tse di thadilweng kwa kopanong.
e Morago ga go thala le go buisanela nngwe le nngwe ya diphitlhelelo tse di latelang, Modulasetulo o ne a itsise maloko gore baemedi ba ba tlhophilweng ba tlhophilwe jang le gore diphitlelelo tse di thadilweng di amogelwe.
Modulasetulo itsisitse maloko gore Metsotso ya kopano ya Ngwaga-le-Ngwaga ya Bobedi ya maloko e eneng e tshwerwe ka 30 Seetebosigo 2008 kwa Boardwalk Conference Centre, Port Elizabeth e ne e akareditswe mo Pegelong ya Ngwaga-le-ngwaga ya 2008 e e phatlhalaleditsweng le go thalelwa maloko go e amogela.
a Boto ya Bolaodi-jwa-matlole e tsere tsia metsotso e e sa amogelwang ka 24 Moranang 2009 mme ya tlhagisa gore molebo wa tlhagisao e e tsepameng e ne e tlhagisa ka tsepamo tsamaiso ya Kopano ya Ngwaga-le-Ngwaga ya Bobedi ya maloko a Sekema e e neng e tshwerwe ka 30 Seetebodsigo 2008; le b Go ya ka diforomo tsa boemedi tse di amogetsweng, maloko a le 206 a tlhophile gore Metsotso ya Kopano ya Ngwaga-le-Ngwaga ya Bobedi ya maloko e e neng e tshwerewe ka 30 Seetebosigo 2008 e amogelwe jaaka tlhagiso e e tsepameng ya kopano, fa leloko le le 1 le eleditse go sa tlhophe.
Modulasetulo o thadile metsotso go amogelwa.
Metsotso ya Kopano ya bobedi ya Ngwaga-le-Ngwaga e ne ya amogelwa morago ga gore Rre Manganyi Abraham a tshitshinye gore kopano e amogele metsotso le gore leano le tshegediwe ke Rre Nxumalo Themba.
Modulasetulo wa kopano o thadile Kanego ya tsa Matlole ya Ngwaga-le-Ngwaga ya Sekema ya ngwaga o o fedileng ka 31 Sedimonthole 2008 gore e amogelwe mme a itsise kopano gore maloko a tlametswe ka Boruni jo bo khutshwafaditsweng jwa Kanego ya tsa Matlole pele ga kopano.
Moruni wa kwa ntle wa Sekema, Rre Johann Strauss wa feme ya Sizwe Ntsaluba VSP, o ne a itsisiwe go maloko a a neng a le teng mme a tswelelela go tlamela kopano ka tshedimosetso ka ga tlhomamiso ya gagwe ya kwa ntle e e ikemetseng e e tlametsweng mo Pegelong ya Ngwaga-le-Ngwaga ya Boto ya Bolaodi-jwa-matlole ya 2008. Moruni wa kwa ntle o tlhomamisitse gore Sekema se amogetse pegelo boruni e e se nang diphoso ka ngwaga wa ditšhelete o o fedileng ka 31 Sedimonthole 2008 le gore Sekema se tsamaisiwa sentle.
Modulasetulo wa kopano o gakolotse maloko a a neng a le teng gore go ya ka diforomo tsa boemedi tse di amogetsweng , maloko a le 205 a tlhophile go amogela 2008 Kanego ya tsa Matlole ya Ngwaga-le-Ngwaga ya 2008, fa go se na maloko a a tlhophileng kgatlhanong le le go amogelwa ga Kanego ya tsa Matlole. Maloko a le 2 a eleditse go sa tlhophe.
Kopano e etse tlhoko gore SizweNtsaluba VSP e thapilwe go tloga ka 1 Ferikgong 2006 ke Boto ya Bolaodi-jwa-matlole ya nakwana ya Sekema morago ga go latela tsamaiso e e ka fa molaong ya ka 2005. Feme e ne ya thapiwa gape ke maloko a Sekema go runa Kanego ya tsa Matlole ya Sekema mo nakong e e fedileng ka 31 Sedimonthole 2007, ga mmogo le Kanego ya tsa Matlole ya nako e e fedileng ka 31 Sedimonthole 2008 morago ga gore feme e tlhagise gore ba na le bokgoni le kitso ya go runa Kanego ya tsa Matlole ya Sekema go ya ka ditlhokego tsa peomolao.
Kopano e utlwile ka ga tsamaiso e e buletsweng ya dithennere e e latetsweng go tlhagisa feme ya boruni go thapiwa jaaka Baruni ba kwa ntle ba Sekema ba ngwaga wa ditšhelete o o fedileng ka 31 Sedimonthole 2009.
Ngaka Van Der Nest tlametse kopano ka molebo-kakaretso wa tsamaiso ya theko e e latelwang le go itsise maloko a a leng teng gore SizweNtsaluba VSP e tlhagisitswe go thapiwa ka mokgwa wa tsamaiso e e bulegileng e e bonalang (transparent).
Jaaka Sekema se se lekanyeditsweng mo nageng, ga mmogo le Sekema pholo sa bobedi se segolo ka kakaretso, Government Employees Medical Scheme (GEMS) e tsene mo 2009 jaaka kgwebo ya dingwaga di le tharo e e tlhabologileng tota.
Mo boemong jwa Boto ya Bolaodi-jwa-matlole, ke itumelela go tlhagisa molebo-kakaretso wa tiro e e dirilweng ke Boto ka 2009 le go itsise Pegelo ya Boto go maloko a GEMS a nako e e fedileng ka 31 Sedimonthole 2009.
Boto e sekasekile sešwa maitlhomo a Sekema, ponelopele le metlhala ya dintlhatheo mo maanong a nako e e tlang ya seripana se se tla tshwarwang ka 11 le 12 Sedimonthole 2008. Boto e netefaditse gore metlhala e e kaetsang e itsisitswe le go boelediwa ka 2008 e setse go nna go nna maleba le go ka dirisiwa ka 2009, e bolokela go tsenngwa ka kelotlhoko jaaka ntlhatheo e e tshegeditsweng ke Sekema.
Go tlamela badiredi-puso botlhe ka tetla e e lekanang go dipoelo tsa tlhokomelo-itekanelo ya theko e e kgonegang mme e tsenya sengwe le sengwe.
Sekema sa pholo se se tswang kwa pele, se se tshwarelelang e bile se le manontlhotlho sa badiredi-puso botlhe.
Mokgwa wa Tsamaiso e e lolameng o o mafolofolo wa Sekema o tlhoka tswelopele ya maano a paka-khutshwane, paka-magareng le paka-telele tse di kaetsang le go sedimosa ka ga kgwebo ya Sekema.
Bringing health within your reach bokgoni jwa maatla a tsamaiso le dipopego tsa bolaodi, ga mmogo le go maano a nako e e tlang e e a dirang - mmogo maphata a a bokgoni a netefaditse gore GEMS e senotse rekoto ya tshalomorago ya go tsenya tirisong ka katlego, maano a nako e e tlang a Ngwaga-le-Ngwaga le go diragatsa maikaelelo a a akareditsweng mo teng.
Boto e dirile maano a nako e e tlang ka 2009 e lemoga ntlha ya gore Sekema se tsweletse pele go nna setlamo se se gamogileng se se ka ga bogato jo bo lolameng, tikologo e e matlhagatlhaga mo mekgweng ya tsamaiso ya matlole. Leano le diragaditswe ka molebo wa go tlhagisa botswerere jwa GEMS, go rulagana sentle le Sekema sa Pholo sa badiredi-puso se se manontlhotlho.
Thitokgang ya Maano a nako e e tlang e letleletswe ke Boto ya 2009 e ne e le "Tetla go botswerere le tlamelo ya itekanelo e e botswerere ya tlhwatlhwa e e kgonegang le tsamaiso e e rulaganeng sentle" mme leano le ikaeletse go tlhokomela le go tlhabolola dintlha tsa bogato jwa kgwebo, fa e ntse e naya Sekema tšhono ya go simolola go batlisisa tlamelo kgotsa tuelo ya tlhwatlhwa e e amanang le ditirelo tsa tlhokomelo ya pholo tse di tlhokegang le go bonwa mo malokong. Leano le tsepame thata mo tirong e e tlhokegang mo go aleng boalo jo bo tiileng jo bo bayang GEMS mo maemong a a tla e tsholetsang go simolola go rulaganya moneelo wa yona le tlotla ya tshitshinyo ya ditsholofelo tsa Sekema mmogo le baamogeladitshwanelo ba bangwe le Baamegi ba ba tlhwatlhwa jaaka mothapi. Go fitlha ga jaana, maikaelelo a nako e e tlang a "Kitsiso ya taolo ya tlamelo ya boitekanelo e e tetogang e e tla tokafatsang porofaele ya kotsi ya sekalafi ya Sekema" e ne e akareditswe mo leanong.
Go bapatsa ka manontlhotlho le go baya GEMS go nna Sekema sa Pholo se se Botswerere go maloko otlhe le ba ba ka kgonang go nna maloko, le go fokotsa thata palo ya badiredi-puso ba ba sa sirelediwang.
Pegelo ya Boto e amogetse pegelo ya tswelopele ya kotara le ya nakwana go tswa kwa Bolaoding jwa Sekema mo go diragatseng dikaetsi tsa tiro tse fitlhelwang mo maanong a 2009 a nako e e tlang le go kgotsofalela gore maikaelelo a nako e e tlang a fitlheletswe ka 31 Sedimonthole 2009.
Boto e sekasekile sešwa tiro ya Dikomiti tse di tlhagisitsweng ke Boto ya 2009 ka molebo go dirisa ka botlalo bokgoni le boitsanape jwa Bolaodi-jwa-matlole le Komiti e e ikemetseng ya maloko. Tshekatsheko -sešwa ya Boto e tsere tsia bomaleba jwa ditaelo tsa tiro ya Dikomiti le bonnye jwa diphetogo tse di neng di tlhokega.
Bolaodi-jwa-matlole bo dirile mo Dikomiting ka 2009 jaaka go begilwe mo karolong 7 le 8 ya Pegelo ya Boto. Boto e netefaditse mo Tshekatshekong e e Manontlhotlho ya Ngwaga-le-Ngwaga gore Dikomiti di dira sentle le pegelo go Boto ke ya maemo a a kwa godimo.
Bolaodi-jwa-matlole jwa Maloko a a ikemetseng a Komiti a a dirang mo Boruning jwa Sekema a Ex Gratia le Dikomiti tsa Kgotlhang ba thapiwa ke Boto sebaka sa dingwaga di le tharo tsa kantoro mme nako e maloko a komiti a e dirileng e fedile ka nako ya tshekatsheko-sešwa. Boto e thapile gape maloko otlhe a Komiti go dira mo sebakeng sa dingwaga di le tharo tse di latelang tse di tla felang ka 2012.
Bolaodi-jwa-matlole le Maloko a a ikemetseng a Komiti ba ne ba tsenetse katiso e e tseneletseng ya tsamaiso e e lolameng gape, e e akaretsang ditlhokego tsa "tse di tla tsenngwang tirisong" Pegelo ya King III ka ga taolo e e lolameng, Bolaodi-jwa-matlole a dikema tsa pholo, peomolao e e maleba, ditlhabololo tsa kgwebo go akaretsa National Health Insurance System e e solofetsweng le tsamaiso e e nang le boitsholo-phepa. Diripana tsa katiso di le robongwe di dirilwe ka 2009 . Molao wa katiso ya Boemedi-jwa-matlole ka 2010 o tla tsenngwa tirisong go ya ka molao o o laolwang ke Boto o tla tsenngwa tirisong, ka 1 Ferikgong 2010.
Tshekatsheko ya manontlhotlho a Boto ya Sekema ya Ngwaga-le-ngwaga e dirilwe ka Lwetse le Diphalane 2009. Boto e dirile itshekatsheko e e tsamaisitsweng ke feme ya boruni e e ikemetseng mme tiro ya Boto le Dikomiti e fitlhetswe e siame.
Go ya ka melao e e kwadisitsweng ya GEMS, bokana ka 50% ya nako ya Bolaodi-jwa-matlole jo bo dirang mo botong ya ga jaana, e tla fela ka Phukwi 2010. Boto e ntšhwa e tla simolola tiro ka 21 Phukwi 2010.. Go fitlha ga jaana, maloko magolo a Sekema a tla tlhopha Balaodi jwa matlole ba le bararo, fa Tona ya Ditirelo tsa Setšhaba le Tsamaiso le ene a tla thapa Baloadi jwa matlole ba le bararo go tswalela 50% e e setseng ya Boto. Tlhopho ya Bolaodi-jwa-matlole e dirwa go tsamaelana le melao e e kwadilweng ya GEMS e e kaya tse di tatelang.
Tlhopo ya Maloko a a tlhopilweng ke Bolaodi-jwa-matlole e tshwanetse nna e dirwa ka baloto go ya ka thulaganyo e e beilweng mo melaong e.
Go tshwanetse go gatelelwa gore batho bao ba tlhopilweng jaaka Maloko a Bolaodi-jwa-matlole, ba tota ba na le seriti.
Fa Boto, morago ga go tsaya tsiya pegelo ya motho yo o ikemetseng kgotsa setlamo, ba kgotsofaletse gore ditlhopo tsa bona di tshwerwe go ya ka tsamaiso e e sweditsweng ke Boto le gore ditlhopo di ne di gololesegile mme di sa gobelele, Motlhankedi-mogolo o tshwanetse, ka lekwalo, a itsise maloko ka ga ditlhopo le letlha, nako le lefelo la kopano e e latelang ya Boto mme a ba laletse go tsenelala kopano.
Boto e rotloetsa maloko magolo a Sekema go tsaya karolo mo tsamaisong ya ditlhopo tsa 2010, ba sa lebale gore Boto ya Bolaodi-jwa-matlole e na le maikarabelo a a botlhokwa a go tlhokomela tsamaiso le merero ya matlole tsa Sekema, ba dira jalo go ya ka dikgatlhegelo tsa maloko. Ka jalo, go botlhokwa golwela go tlhopa Bolaodi-jwa-matlole jo bo nang le seriti e bile ba na le bokgoni jo bo maleba le maitemogelo a go ka diragatsa ditiro tsa Boemedi-jwa-matlole.
Diphitlhelelo tsa Sekema di sekasekwa ka botlalo mo Pegelong ya Bogato jwa Motlhankedi-mogolo. Dikgwetlho le tiro e ntšhwa e e neng e sa emelwa fa maano a nako e e tlang a 2009 a ne a dirwa, di tlhagelela mo gare ga 2009. Boto ya Bolaodi-jwa-matlole le Botsamaisi ba sekasekile dikgwetlho tse ka kelotlhoko le go netefatsa nako le nako gore Sekema se setse se tsepame ka go sala morago maitlhomo a sona le ponelopele ntle le go kgapela-thoko metlhala ya dintlhatheo tsa Sekema. Dingwe tsa dikgwetlho tse le tiro e ntšhwa di akaretsa phetisetso ya kgwebo ya MEDCOR go GEMS, go tsenya tirisong ga ditlhatloso tsa moputso wa letlha le le buseditsweng kwa morago wa badiredi-puso di tlisa ditlhoseletso mo dikatsong le dikolotong le tshekatsheko ya gape ya Botokololo jwa GEMS le kgonagalo ya melao ka Khansele ya Dikema tsa pholo.
Ditherisano magareng ga Sekema le baamegi ba ba tlhwatlhwa di fedile ka tshwetso ya Boto go dumelana go fetisetsa kgwebo ya MEDCOR go GERMS go ya ka Molao wa karolo 63 ya Dikema tsa Pholo wa1998.
Ditshwetso tsa Moamegi mo go tse di tlhoseletsang tiragatso di tlisitse tiego ka go farologana mo tshimologong ya tiro e e tlhokegang go fetsa tiragatso go ya ka dinako tse di kailweng ke Khansele ya Dikema tsa Pholo.
Kgwebo ya MEDCOR e fetiseditswe go GEMS go tloga ka 1 Ferikgong 2010 go ya ka Memorantamo wa go Tlhaloganya o o sweditsweng magareng ga dikema tse pedi.
Dikonteraka tsa tiro ya badiri ba le bararo ba MEDCOR di fetiseditswe go GEMS fa badiri ba le babedi ba maemo a a kwa godimo ba MEDCOR ba amogetse tlhwatlhwa e e kgobokaneng ya go tlogela tiro.
MEDCOR e ne ya kwadisiwa jaaka Sekema sa pholo ke Khansele ya Dikema tsa Pholo go tloga ka 21 Ferikgong 2010 mme go retololwa ga tsamaiso ya MEDCOR ga swediwa ka 30 Moranang 2010.
Go ya ka pholisi ya ketleetso ya pholo ka tšhelete e e maleba mo tirelong ya bosetšhaba, e akaretsa le Lefapha la Ditirelo tsa Kgopololo, maloko a MEDCOR a ne a kgona go ikamanya le GEMS ka go rata ga bona. Mo boemong jwa Boto ya Bolaodi-jwa-matlole, ke rata go amogela maloko a pele a MEDCOR a a ikwadisitsweng mo go GEMS.
Thadiso ya katso ya Sekema e e kwadisitsweng e ikaegile ka letseno le dikatso tsa kgwedi le kgwedi tsa maloko go ya ka letseno la bona la kgwedi le kgwedi. Tlhatlhoso ya moputso mo tsamaong ya ngwaga e ka dira gore leloko le solofetswe dikatso tse di kwa godingwana ba ntse ba bona thuso e e sa fetogang gonne ba tshwanelwa ke letseno le le kwa godingwana.
Maloko a GEMS a itemogetse moputso o o fetotsweng (ka go bona legato la 16 le folosediwa go 12), tlhatlhoso ya moputso ya maemo a bophelo ya Ngwaga-le-Ngwaga ga mmogo le Occupation Specific Dispensations (OSD's) ka 2009. Diphetogo tse di tsentswe tirisong go latela moputso o o saletseng kwa morago, se se kayang gore maloko otlhe a ne a tshwanetse go duela seelo sa dikatso se se kwa godimo, le bona ba itemogetse sekoloto sa katso.
Le fa Sekema se lebile go baakanya seelo sa letseno mo seelong sa dikatso ba le malala a laotswe go tloga ka 1 Ferikgong 2009 go fokotsa tlhatlhoso ya moputso wa tirelo ya bosetšhaba ka 2009, meputso ya maloko a GEMS e fetogile go bonala go feta ka moo go neng go solofetswe ka teng go latela OSD le phetogo ya meputso. Boto e ne e etse tlhoko go sa kgotsofale ga leloko le moamegi e le ditlamorago tse di tlhageletseng mme ya tsaya tsia mokgwa o o leng teng mo Sekemeng wa go fokotsa bogale jwa ditlamorago tse di neng di sa lebelelwa, koleke e e ikaegileng ka letseno la maloko a GEMS le mokgwa-taolo wa sekoloto sa Sekema.
Tiro e tla dirwa ka 2010 go fetola seelo sa letseno ka tsela e e tla thibelang peresente e e bonalang ya maloko go amiwa ke diphetogo le go netefatsa phatlhalatso e e lekanang ya maemo a moputso le maloko mo seelong sengwe le sengwe sa letseno. Phetolo ya molao e e tla sireletsang go phutha tuelo e e kwa morago e e tlisitsweng ke moputso le yona e tla tokafadiwa.
GEMS e kwadisitse jaaka Sekema sa pholo sa botokololo jo bo lekanyeditsweng le ba ba ka dumelelwang botokololo e laolwa ke melao e e kwadisitsweng ya Sekema. Ka fa tlase ga melao e, badiredi ba Mafapha a bosetšhaba le a diporofense le matlhakore a kabakanya go ya ka karolo 7 ya Molao wa Tirelo ya setšhaba wa 1994, jaaka o fetotswe, le badiredi ba makala a a tlhokometsweng ke Boto ya Bolaodi-jwa-matlole jaaka bathapi ba ba tsayang karolo, ba ka dumelelwa go nna le botokololo.
Khansele ya Dikema tsa Pholo e tlhokile gore Melao e fetolwe go tlosa tsamaiso ya kelotlhoko e e dirwang ke Boto ya Bolaodi-jwa-matlole fa e tsaya tsia makala a Tirelo ya Setšhaba a a leng kwa ntle ga Molao wa Tirelo ya Setšhaba. Phetolo ya molao e rometswe ke Sekema mme tshitshinyo ya Khansele e ne e tlhokometse boalo jo bo kgonagalang jwa GEMS.
Tlhoseletso mo tsamaisong le seemo sa matlotlo sa Sekema ka tshupetso e e totobetseng go iponela palonyana e e setseng e e tlhokiwang ke Melao e a fitlhelelwa.
Boto e na le maikarabelo a go netefatsa gore dikgatlhegelo tsa maloko a yona di sireleditswe go ya ka karolo 57 (a) ya Molao wa Dikema tsa Pholo, mme ba itumelela tetla e e tletseng, e e rulaganeng sentle ya dipoelo tsa bona tse di maleba, tse di ba tshwanelang jaaka maloko a GEMS.
Mo go tsamaeng ka maikarabelo a Boto le maitlhomo a Sekema go tlamela badiredi-puso botlhe tumelelo e e lekanang le dipoelo tse di kgotlaganeng le tirelo ya pholo e e feletseng, go tserwe dikgato di le mmalwa tsa go tokafatsa tumelelo le maitemogelo a tirelo ya maloko.
Boto e neetse tetla ya go fetola maemo a Sekema sotlhe le sediriswa sa kgolagano sotlhe sa leloko go maleme a le 11 a semmuso. Porojeke e simolotswe ka 2009 mme e tsamaya dingwaga di le tharo go fitlha 2012.
Sekema se itsisitse tiriso onfolopo (envelope) e e nang le kgwebo-phetolo go ya ka tlhaeletsano ya maloko a a tlhokang ditsibogo go tswa go maloko.
Lenaneo la pelegi le ribolotswe go netefatsa gore bomme ba baimana ba amogela tlhokomelo ya maemo a a kwa godimo ka nako ya boimana le go thusa go fokotsa kotsi ya mathata a a kgonegang.
Poelo ya tirelo ya SMS ya look-up e letla maloko go netefatsa gore ke dipoelo tse di le teng go bona le batlhokomelwa a kwadisitsweng a setse a itsisitwe ka ga boitlhopelo jo ba nang le jona jwa dipoelo.
Ditikwatikwe tsotlhe tsa diketelo tsa namana tsa maloko di ntšhwafaditswe mme tse dingwe tsa sutisetswa kwa dikagong tse di ntšhwa le tse di tlhabolotsweng. Tikwatikwe ya bobedi e butswe mo porofenseng nngwe le nngwe go nolofaletsa maloko go nna le ditirelo tsa kopano ya namana.
Dikanego tsa dikatso tsa Kotara le dikanego di ne tsa tlhagisiwa go thusa maloko ka go netefatsa gore dikoleke sala go nna di lolame.
Nako e e okeditsweng ya tiro mo tirelong ya badirisi le ditikwatikwe ya ketelo ya namana di itsisitswe, go akaretsa ditirelo tsa Lamatlhatso.
Didiriswa tsa "online" tse di farologaneng di ne tsa nna teng go maloko fela jaaka sediriswa sa semmuso sa GEMS sa tlhagiso ya webe sa go dira kopo ya diphetogo tsa ngwaga o o felang.
Boto ya Bolaodi-jwa-matlole e dirile gangwe le gape ka botswapelo ka nako ya tshekatsheko-sešwa. Palogotlhe ya dikopano di le 33 tsa Komiti ya Boto di ne tsa tshwarwa mme go se na dikopano tse di neng tsa busetswa morago ka nako tshekatsheko-sešwa ka ntlha ya go sa nneng teng ga khoramo. Dikopano tsa Boto le Komiti di tsamaisitswe ka tsela e e mosola e bile e rulagane sentle go kgontsha Boto go dira le merero e e akaretsang merero yotlhe ya thulaganyo ya didiriswa mo teng ga selekano sa bolaodi jwa yona. Maikemisetso a a tsepameng a Bolaodi-jwa-matlole go baamogeladitshwanelo ba Sekema ba sala go nna ponagalo ya Boto e mme ke rata go leboga Bolaodi-jwa-matlole ka karolo e ba e tsereng mo ngwageng o mongwe wa tswelopele ya Sekema.
Ke rata go tlhagisa tebogo ya me go Mme Vuyelwa Vumendlini-Schalk, Motlatsa Modulasetulo wa Boto, ka karolo e a e tsereng mo tsamaisong e e manontlhotlho ya Boto.
Ngaka DP Van Der Nest, yo e leng Modulasetulo o ikemetseng wa Komiti ya Boruni ya GEMS, o nnile le bokgoni jwa go bo a tsenetse dikopano tsa Boto e le leloko la tlaleletso bokgoni mme ke rata go mo lebogela karolo e a e tsereng mo go netefatseng gore tikologo ya taolo ya Sekema e setse go lekana mme e rulagane sentle.
Maloko a a ikemetseng a Komiti a a thapilweng ke Boto go dira mo Komiting ya Boruni jwa Sekema, Komiti ya Ex Gratia le Komiti ya dingangisano di tsere karolo e kgolo mo go tlhagiseng tswelopele e e fitlheletsweng ke Sekema ka 2009 mme mo boemong jwa Boto, Ke eletsa go leboga maloko ka dikatso tse di tlhwatlhwa le maitemogelo a ba a tlhagiditseng a Boto le Tsamaiso ya Sekema.
Mo boemong jwa Boto, ke eletsa go tlhagisa ditebogo tse di totobetseng go Ngaka Eugene Watson, Motlhankedi-mogolo wa GEMS. Motlhankedi-mogolo gore o fitlheletse ditsholofelo tsa Boto le tshepo e e beilweng mo go ene mme a tswelela go kgatlha Boto ka boineelo jwa gagwe le lerato le le tseneletseng go GEMS. Motlhankedi-mogolo o tsentse tirisong mme a letlelela Maano a nako e e tlang a 2009 ka katlego le go netefatsa gore kgwebo ya Sekema e tsamaya ka thulaganyo le manontlhotlho.
Boto kgotsofaletse ditlamorago tse di fitlheletsweng ke Botsamaisi-Bogolo jwa Sekema le letlhakore la badiri ka fa tlase ga ketelopele ya Motlhankedi-mogolo.
Boto e tla rolela marapo go Boto e ntšhwa ya Bolaodi-jwa-matlole ka 21 Phukwi 2010 mme e tshepa gore boalo bo setse go aletswe Sekema gore se tswelele go dira ka natla.
Ka 2009 Sekema se lemogile tlhokego ya go atolosa kgaratlho ya botswerere le go feta fela ka taolo ya tsamaiso le netefaletso ya go tlisa merero ya kgwebo mo mmusong wa ditirelo tsa pholo e e ka ga kwelano e e leng mo tikilogong e go leng 90% ya ditšhelete tsotlhe tse di aroganyeditstsweng le ka fa molao wa Sekema o tlhalosang kgwebo ya Sekema sa Pholo. Boto ya Bolaodi-jwa-matlole Maano e amogetse maano a nako e e tlang a 2009 mme a tlhoka gore Sekema agelele mo ditswelopeleng tse di leng teng le go lwela diphitlhelelo mo go tsa tirelo ya pholo ka go tlisa diphetogo, go lokolola ka kelotlhoko, togamaano ya botswerere le bolaodi jwa kotsi ya pholo.
Thitokgang ya 2009, "Tetla go botswerere mo tlhokomelong ya pholo ka fa kgonegang ka teng e bile e rulagane sentle", go tlhokomela le go tlhabolola merero ya bogato jwa kgwebo, e ntse e naya Sekema tšhono ya go simolola patlisiso ya tlamelo kgotsa tuelo e e amanang le tirelo ya tlhokomelo ya pholo e e tlhokegang le go bonwa ke maloko. GEMS e simolotse tiro ka go tlhabolola tsela e e tlamelang maloko ka tetla e e tswang kwa pele mo ditirelong tsa tlhokomelo ya pholo. Tiro e e dirwang ka 2009 e tlamela ka boalo jo bo tiileng jwa tiro ka tsela e.
Maano a Ngwaga-le-Ngwaga a nako e e tlang a tlisa tshimologo ya maikarabelo a Boto ka go kaetsa ditiro tsa Motlhankedi-mogolo le bolaodi, go tlamela taolo e ka yona go ka bonwang gore ke tiro efe e e ka beiwang leitlho le go netefatsa gore kgwebo ya Sekema e tsamaisiwa ka botswerere le manontlhotlho. Go feta moo, maano a nako e e tlang a letla Boto go sekaseka sešwa makala otlhe a kgwebo ya Sekema le go netefatsa gore fa e tsamaisiwa ka manontlhotlho, kgwebo e sala go tswelela.
Jaaka Motlhankedi-mogolo, ke nna motlhankedi wa bobalatlotlo jwa Sekema mme ke maikarabelo a me go netefatsa gore maano a bogato jwa Sekema a lebisitswe go manontlhotlho e bile a dirwa ka thulagano ya maano a nako e e tlang jaaka a letleletswe ke Boto le gore, go ya pele, pegelo e e tlwaelegileng e šejulilwe go lebeletswe dikaetsi tsa tiro mo leanong le le nnileng teng.
Mo tsamaong ya ngwaga, ka nako ya tshekatsheko-sešwa, Boto e tlametse ka dipegelo tsa tswelopele tsa kotara le tsa gangwe le gape tsa tiro e e dirilweng mmogo le dikaetsi tsa tiro mo maanong a nako e e tlang. Pegelo ya bofelo e romeletswe Boto go Bolaodi-jwa-matlole ka 10 Sedimonthole 2009, e netefatsa gore 96% ya dikaedi tsa tiro di fitlheletswe ka manontlhotlho.
Maano a nako e e tlang e dirile jaaka tshobokanyo ya bokaedi go bolaodi mo ngwageng wa ditšhelete wa 2009. Ka jalo ke romela pegelo e go ya ka maano a nako e e tlang. Tshedimosetso ya tlaleletso mo dikaetsing tsa botlhokwa tsa kgwebo, melebo le dipalopalo di tlametswe mo Pegelong ya Boto ya Bolaodi-jwa-matlole e e mo matlhareng a 23 go fitlha 50 mo pegelong e.
Botokololo ka 31 Sedimonthole 2009 bo ne bo eme mo go 409,804, jwa fetogela go kgolo e e kwa godimo ya maloko-magolo a le 100,000 ka 2009. Se se bontsha kgolo ya Ngwaga-le-Ngwaga ya 36% fa go lekanngwa le motheo wa maloko-Fa Bolaodi-jwa-matlole le maloko a Komiti ba tsenetse katiso mo tsamaong ya dingwaga tse di fetileng, Katiso ya pholisi ya Boemedi-jwa-matlole e ne ya tlhabololwa ka 2009 go netefatsa gore go ithuta le go itlwaetsa tiro ga Boto ya Bolaodi-jwa-matlole bo dirwa go ya ka lenaane la semmuso. Diphetogo tse di neng di lebeletswe go ka dirwa mo Botong ya Bolaodi-jwa-matlole mo ngwageng o o felang ka Sedimonthole 2010 di tlhoka kgatelelo e kgolo go bewa mo katisong ya itlwaetso ya Bolaodi-jwa-matlole ba bašwa.
Mokgwa wa tsamaiso e e lolameng wa Sekema o ne wa tlhabololwa go ya pele ka go itsisiwe ga go thapiwa ga Boemedi-jwa-matlole le go thapa badiri. Maikaelelo a tsamaiso e ya go thapa ke go netefatsa gore Bolaodi-jwa-matlole, Maloko a a ikemetseng a komiti le badiri ba itekanetse sentle go ka tsamaisa kantoro. Motlamedi wa bothapi yo o ikemetseng o thapilwe go diragatsa go tlhola go go tlhokegang mme pegelo ya ditlamorago e neetswe Moruni wa nakwana wa ka fa gare wa Sekema go sekaseka sešwa.
Melao e e kwadisitsweng ya GEMS e ne e tshwanetse go sekaseka sešwa ka kgotlagano go netefatsa gore melao e lolame e bile e maleba. Ka tshekatsheko-sešwa e, melao e e tlhalosang batho ba ba ka kwadisiwang jaaka batlhokomelwa ba maloko e bopilwe gape go netefatsa tlhaloso le tiriso e e sa fetogeng. Melao e mešwa e e ikaeletseng tsamaiso e e manontlhotlho e ne ya tlhagisiwa. Mokwadisi wa Dikema tsa pholo tse di kwadisitsweng o kwadisitse melao go tloga ka 30 Seetebosigo 2009.
Kobamelo ya semolao ya tshekatsheko-sešwa e diragaditswe ke moruni wa nakwana wa ka fa gare wa Sekema go leka kobamelo ya melao e e kwadisitsweng ya GEMS le dikarolo tse di tlhagisitsweng tsa molao wa Dikema tsa Pholo. Seelo se se neetsweng ke moruni se ne se siame le diphitlhelelo tse fitlhetsweng mo pegelong di ne tsa tsewa tsia ke botsamaisi ka go di rarabolola ka bonako.
Togamaano ya tsamaiso ya Moamegi wa Sekema e sekasekilwe sešwa ka Kotara 1 ya 2009 mme tshwaragano le bobegi jwa moamegi di dirilwe go ya ka togamaano e e fetotsweng ka nako ya tshekatsheko-sešwa. Kamano e e tshwanang ya Sekema le baamegi bagolo jaaka, Public Service Co-ordinating Bargaining Council, Bomankge ba HR le Bomankge ba Phole le Boitekanelo ba tlhokometswe ka manontlhotlho. Baamegi bagolo ba amogetse dipegelo tsa kotara go tswa kwa Sekemeng mme dišejule tsa dikopano tsa kotara tsa dirwa. Dikgolagano tsa Kotara di akareditsa dikopano ka dikarolo tse neilweng tiro ya botsamaisi jwa mokgwa wa tuelo ya badiredi-puso le baphenšenara, ke gore PERSAL le GEPF.
Tona ya Lefapha la Tirelo ya Setšhaba le Tsamaiso o ne a tswelela go tsewa jaaka wa maemo a magolo wa Sekema le kamano e e tshwanang ya go tlhabologa.
Lenaneo la katiso la Ngwaga-le-Ngwaga la GEMS Human Resource Practitioner Training le ne la tshwarwa go tloga ka 1 Moranang 2009 go fitlha ka 30 Seetebosigo 2009 mme dikatiso seripana di akareditse mafapha bosetšhaba, mafapha a diporofense ga mmogo le bathapi botlhe ba ba ba tsayang karolo mo GEMS. Lekwalo-potlana la kotara la HR Practitioner le itsisitswe mo nakong ya tshekatsheko-sešwa mme e dirisitswe thata go rararbolola mangwe a medi ya mathatha a bolaodi jwa dingongorego tsa bolaodi jwa koleke. Mangwe a mathata a, jaaka go tsenya kgaolo ya tirelo e e kwa morago mo PERSAL, e sala go nna, le tiro e tla dirwa ka 2010 ka tirisano mmogo le HR le moputso wa practitioners mo Tirelong ya Setšhaba.
Dingongorego tsa maloko di ne tsa sekasekwa ka nako le ka manontlhotlho ka nako ya tshekatsheko-sešwa. Maloko a ne a rotloediwa go romela dingongorego tsa bona go Sekema ka go dirisa aterese ya complaints@gems.gov.za. Dingongorego di tlhatlhoseditswe go Bolaodi jwa Sekema le go lebisiwa go aterese ya seeleketoroniki ya dingongorego.
Ka 2009 GEMS e tsweletse go netefatsa gore tsamaiso ya bolaodi jwa sefalana sa tshedimosetso sa yona se tlhokometswe le go sirelediwa e bile se na le tlaleletso e e atlegileng. Dipoelo tsotlhe tsa REF di ne di tsepame e bile di rometswe ka nako kwa Khanseleng ya Dikema tsa Pholo.
Pholisi ya Sekema ya Bolaodi jwa tsietso e ne ya tsenngwa tirisong mme ditirelo tsa tlhokomelwa ke Foramo ya Tsietso ya Sekema, ka tshegetso ya patlisiso e e neng e abelwa ke Special Investigating Unit. Pholisi ya Sekema ya Bolaodi jwa tsietso e tsentswe tirisong mme ditirelo tsa tlhokomelwa ke Foramo ya Tsietso ya Sekema, ka tshegetso ya patlisiso e e dirilweng ke Special Investigating Unit (SIU).
Dikatso tsa GEMS tsa 2010 le tlhamo ya dipoelo e ne ya romelwa kwa Khanseleng ya Dikema tsa Pholo ka 25 Lwetse 2009 mme ya tsenngwa tirisong ka katlego go ralala batlamela ditirelo botlhe ba dikonteraka ka 31 Sedimonthole 2009.
Sekema se kokoantse dikatso tsa dibilione di le R8,9 mme sa solofediwa dikopo tsa dibilione di le R7,9 sa tlisa tlhokomelo ya pholo e kgolo ya tshadiso ya dimilione di le R774 mo ngwageng. Ditshenyegelo tsa go tlhoka tlhokomelo ya pholo go di laolwa ka bopopota mme tsa emela 7.19% ya lotseno lotlhe la katso la pele ga ditloso.
Go tsena le go tswa ga tšhelete le tšhelete-tshalelo ya banka ya Sekema di bewa leitlho thata sebaka sa beke le beke go netefatsa gore ditlhokego tsa go jewa di fitlheletswe. Sekema se tlhokometse tšhelete-tshalelo ya banka ya bilione R1 go ralala ngwaga wa ditšheletele go tlhakanya go tsena le go tswa ga tšhelete pele ga ditloso le tlhwatlhwa ya dimilione di le R572.
Sekoloto se laolwa ke Sekema go ya ka melao e e thata ya tsamaiso ya bolaodi. Sekema se kgonne go tshola le go tokafatsa legato la sekoloto go ralala ngwaga, le fa go le jalo, GEMS e ne e lebagane le kgolo ya legato la sekoloto (sekoloto sa dikatso se tlhatlhogile ka 90% mo gare ga Diphalane) e e tlhodilweng ke tlhatlhoso e e saletseng ya moputso le Occupational Specific Dispensations (OSD's) tse di tsentsweng tirisong mo Tirelong ya Setšhaba ka Phukwi 2009. Ditlhatlhoso mo magatong a dikoloto jaaka ditlamorago ka tlhamalalo tsa tsenyo tirisong ya tlhatlhoso ya moputso o o saletseng le OSD di tsamaisitswe ka tshusumetsano e e matlhagatlhaga ya Bomankge ba HR le batsamaisi ba dituelo ba ba farologaneng. Pholisi ya tsamaiso ya dikoloto ya Sekema le yona e sekasekilwe sešwa mo tsamaong ya ngwaga go tlhatlhosa go ya pele dikgato-tiragalo tsa botsamaisi jwa tsamaiso ya dikoloto ya Sekema.
Tshireletso e e lekaneng ya inšorense e bonwe le go ntšhwafadiwa mo tshimologong ya 2009 mme inšorense ya dithoto e e lekaneng e tlametswe go sireletsa dithoto tsa ga jaana ngwaga otlhe.
Tsamaiso ya diakhaonto tsa kgwedi e nngwe le e nngwe ya 2009, e e akaretsang pegelo ya Mokhuduthamaga, di tlhagisitswe (produced) le go tlhagisiwa (presented) go Boto ya Bolaodi-jwa-matlole le Dikomiti tsa yona.
Dipoelo tsotlhe tsa semolao le dipoelo tsa REF di rometswe ka tsepamo le ka nako kwa Khanseleng ya Dikema tsa pholo go ralala ngwaga wa ditšhelete. Go romelwa ga dipoelo tsa semolao go ne go lekanyeditswe go romelwa ga tsamaiso ya diakhaonto ya kgwedi le kgwedi jaaka go tlhokega go ya ka maparego a Khansele ya Dikema tsa Pholo tsa Sekhulara 35 ya 2009.
Botsamaisi jwa matlole jwa dikgato-tiragalo tsa Sekema le bona bo tshegeditse tiro e Mogakolodi-wa-tsa-inšorense a e akareditseng mo maitlhongwaneng a pegelo ya kgwedi le kgwedi a dipalopalo-batho tsa maloko, molokololo wa ditleleimi le ponelopele ya matlotlo mo paka khutshwaneng le paka gare. Go feta foo, palo ya maloko a a ka dumelelwang a ditlhopa tsa badiri e ne ya sekasekwa ka 2009 go swetsa ka ga maatla a ditlhopa tse mo maemong a matlole a Sekema pele ga go letlelela take-on's.
Mokgwa o o dirisiwang go bala ditshenyegelo tsa ditleleimi tse di dirilweng mme di sa amogelwa (IBNR) ka 2009 o ne o ikaegile ka diphetogo mo moding wa tlhaloganyo ya gore tse di dirisitsweng ke Mogakolodi-wa-tsa-inšorense ka tsamaiso ya tirelo ya malatsi a tuelo mo mefuteng e e farologaneng ya ditleleimi, khutshwafatso ya mola wa tlamelo go ya ka maitemogelo a nnete a ditleleimi tse di solofetsweng le go tsaya tsia peresente ya seeleketoroniki kgatlhanong le ditleleimi tse amogetsweng. Sekema se amogela seemo sa Standard Operating Procedure (SOP) go bala tlamelo ya IBNR go tloga ka Tlhakole 2009.
Tlhoseletso ya Letlole la tekatekanyo ya Kotsi mo maemong a matlole a Sekema a lokolotswe ka kotara ka 2009 gore Sekema se kgone go supa mekgwa tlhabololo e e totobetseng e e ka tsenngwang tirisong.
Go bona pegelo e e siameng mo ngwageng wa bone wa tiro go bontsha tlhoseletso e bolaodi le Boto ba dirileng ka natla go sireletsa dithoto tsa Sekema le dikgatlhegelo tsa maloko.
Maano a nako e e tlang a 2009 a bontshitse tshutiso e e lekaneng go tswa mo mokgweng o o ikaegileng ka inšorense go ya go o leloko le lengwe le lengwe le le nang le tetla e e maleba go tlhokomelo ya ditirelo tsa pholo, ka go tlhola le go tshegetsa go go leng mo tirisong. Tiro ya go ala maitshetlego ga tshutiso go tswa mo mokgweng o ikaegileng ka inšorense e dirilwe ka fa tlase ga leano la maikaelelo a nako e tlang a go tlisa tlhokomelo e e matlhagatlhaga ya bolaodi jwa pholo jo bo tla tokafatsang porofaele ya kotsi ya sekalafi ya Sekema.
Boto e letleletse leano la theko la 2009 le le boneng go bopega ga ditirelo tsa tlhokomelo ya Sekema tse di tsamaisiwang ka tlhomamo fa mo tshimologong, ditirelo tsa tlhokomelo ya pholo tsa Sekema tse di tsamaisiwang ka tlhomamo di ne di abetswe ka boitlhopelo jwa poelo.
Ditirelo tsa tsamaiso ya malwetse a HIV go baamogeladitshwanelo go dipoelo tsotlhe tsa GEMS tse di kwadisitsweng.
Batlamedi ba ba rategang ba tlhagisitswe ke Boto ya Bolaodi-jwa-matlole ka 31 Phukwi 2009 mme tsamaiso ya konteraka ya konosediwa ka Diphalane 2009.
Jaaka ditlamorago tsa go bopa sešwa ga ditirelo tsa tlhokomelo tse di tsamaisiwang sentle, dithulaganyo tse di duetsweng ke maloko di emisitswe ka 2010 le tsamaiso ya kotsi ya tlhokomelo ya pholo ya boitlhopelo jwa dipoelo ya Sekema, go akaretsa Beryl le Sapphire, e fetisitswe go motlamedi wa tlhokomelo e e tsamaisiwang sentle. Tiro e diriliwe go tlhabolola le go senola Sentlhaga se sešwa sa baamogeleditshwanelo ba Beryl le Sapphire le dituelo tse di tla tsenngwang tirisong ka 2010. Dikonteraka tsa Sentlhaga sa GEMS tsa boitlhophelo jwa botlhe jwa Sekema di akaretsa ikwadiso ya batlamedi botlhe ba ba leng mo go Friends of GEMS Network. Maloko a a neng a amega a amogetse thuto ya maloko e e kgotlaganeng ka 31 Sedimonthole 2009 go ba tlwaetsa ditirelo tse di fetogileng.
Ditekanyetso tsa dipoelo tsa Sekema tsa 2010 le tlhokomelo ya pholo tsa ditheo tsa tlhokomelo e e laolwang tse di neng di neetswe konteraka ke Sekema, di tlhabolotswe ka mokgwa o o matlhagatlhaga wa Mogakolodi-wa-tsa- inšorense le molokololo wa matlotlo.
Diphitlhelelo tsa tiro ya bolaodi jwa tlhokomelo ya pholo tse di gogelang tsa boitlhophelo jwa Beryl le Sapphire di akareditsweng mo tlhokomelong e e tsamaisiwang sentle ya dikonteraka tsa Sekema.
Tiro e e dirilweng ka maikaelelo a go bona thefosanyo ya thulaganyo ya tuelo ya mosenyegelwa di simologile ka go thankgolola le go tsenya tirisong porojeke ya teko magareng ga Sekema le Sentlhaga sa Baitseanape sa KZN. Maikaelelo porojeke ya teko ke go tlhotlhomisa le go meta kgonagalo ya go fokotsa ditshenyegelo mo tlhokomelong e ka tlisiwang ke letsholo-kopanelo le le tserweng ke Sekema le sentlhaga sa batlamedi ba tlhokomelo ya pholo. Ditlhopa tsa Maokelo di ne tsa tsenngwa mo thulaganyong ya thefosanyo ya katso ya ditirelo tsa tuelo ya mosenyegelwa.
Porojeke ya setshwantsho sa tlhabololo ya kotsi nngwe le nngwe ya porofaele ya baamogeladitshwanelo ba GEMS, e e tla dirisediwang go tlhotlhomisa tliso-diphetogo ya ditlhamo tsa dipoelo tse di ikemiseditseng go tlhatlhosa tetla go ditirelo tsa tirelo ya pholo ya baamogeladitshwanelo ba GEMS ka paka gare, e tlhabolotswe le go tsenngwa tirisong.
Molebo o mogolo wa pholo wa GEMS e arogantswe le Lefapha la Tirelo le Tsamaiso go tshegetsa tlhabololo ya pholo kwa tirong le mananeo a boitekanelo.
Sebopego sa bogato jwa Sekema se ikaegile ka kantoro-kgolo e nnye mme e rulagane sentle e e tsamaisang le go lebelela kgwebo ya Sekema le go tshegetsa Boto ya Bolaodi-jwa-matlole le Dikomiti tsa Boto. Maloko a le supa a badiri a thapilwe go ya kwa bokhutlhong jwa nako e e fetileng ya pegelo, ke gore nako e e fedileng ka 31 Sedimonthole 2008 mme ba simolotse tiro ka Ferikgong le Tlhakole 2009. Badiri ba bašwa ba amogetse katiso e e tseneletseng ya go itlwaetsa tiro go fetola bogato jwa tikologo e e itlhaganedisitsweng ya Sekema. Maloko a mangwe a le mabedi a badiri a ne a thapiwa ka nako ya tshekatsheko-sešwa le palogotlhe ya badiri ba Sekema ba le 27.
Leano la tshalano-morago le amogetse tsibogelo mo nakong ya tshekatsheko-sešwa le pholisi tshalano-morago go ya ka Motlhankedi-mogolo e tlhabolotswe mme e letleletswe ke Boto. Ditlhokego tsotlhe tsa leano la tshalano-morago la dipholisi tsa GEMS di mo teng mme di tsentswe tirisong.
ya kotsi e e lebileng Sekema. Go ikaegilwe ka tiro e, rejisitara ya Sekema ya togamaano ya kotsi e tlhabolotswe mme tiro yotlhe ya boruni jwa ka fa gare e ne ya golaganngwa le tse di kwa morago mme dikotsi tsa tlhagiswa jaaka ditlapele. Leano la netefaletso le le kopantsweng le tlhagisa gore dikotsi tsotlhe tse di tlhagisitsweng, tse di sireleditsweng ke maphata a a tsayang maikarabelo e romeletswe Boto ya Bolaodi-jwa-matlole ka dinetefaletso tse di tlhokegang.
Go ya pele ka togamaano ya kotsi, bogato jwa dikotsi di tlhagisitswe ka natla mme semeto sa go fokotsa dikotsi se tlhabololetswe go tsenngwa tirisong ka nako ya tshekatsheko-sešwa. Ditshekatsheko tsotlhe tsa dikotsi le ditogamaano tsa phokotso ya dikotsi di letleletswe ke Boto le go dumelelwa ke Komiti Boruni. Motlhankedi-mogolo o tlametswe ke Boto ka tswelopele ya kotara go tsamaelana go tsenngwa tirisong ga semeto sa phokotso ya dikotsi e e letleletsweng ka go obamela pholisi ya tsamaiso ya Sekema, e tlhomamisitswe ka Sedimonthole 2009.
Pholisi ya tsamaiso ya Kotsi ya Sekema e ne ya boelediwa go ya pele go akaretsa maemo a a siameng a Pegelo ya King III ka ga Tsamaiso e e lolameng.
Leano la Theko la GEMS la 2009 le letleletswe ke Boto ya Bolaodi-jwa-matlole ka 26 Mopitlwe 2009 mme theko ya ditirelo ka 2009 e tsamaisitswe ka tlhomamo.
Bolaodi jwa Pholisi ya Sekema ya Supply Chain bo kokoantswe mme semeto sa boitsholo-phepa jwa Tsamaiso bo tsentswe tirisong ka 2008, go dirwa ka nako ya tshekatsheko-sešwa.
Boikuelo jwa Boto ya Khansele ya Dikema tsa Pholo di sweditse kgatlhanong le GEMS ka Lwetse 2008 go ya ka maitlhongwana a tleleimi ya ngaka ya bana ya Khoutu ya Motlhapholodi (Modifier) mme Boto e dumetse gore GEMS e tla solofediwa ditleleimi tse go tloga ka Ngwanatsele 2008 ka Khoutu e ne e akareditswe mo thalong ya 2009 National Health Reference Price List (NHRPL). Le fa go le jalo, NHRPL ya bofelo ya 2009 ga e a akaretsa tleleimi tuelo ya mosenyegelwa ya ngaka ya bana kgatlhanong le Khoutu ya Motlhapholodi ya 0019 mme GEMS e solofetsweletse ditleleimi tse 2009 yotlhe. Moremo o o tlisitswe mo tsibogelong ya Boto mme go latela seo, GEMS ya letlelelwa go tswelela go solofediwa Khoutu ya Motlhapholodi 0019 fa di tleleimilwe ke dingaka tsa bana.
Boto ya Bolaodi-jwa-matlole kwa tshimologong, e letleletse gore GEMS e tshwanetse go thusa Lefapha dikamano tsa Boditšhabatšhaba go tlhabolola boitlhopelo jwa dipoelo tsa Boditšhabatšhaba tsa badiri ba ba dirang kwa dinageng tsa kwa ntle. Leano kwa tshimologong, tiro ya Mogakolodi-wa-tsa-inšorense le dikopano le Khansele ya Dikema tsa Pholo di ne di tserwe mme tsamaiso e eme fa sefalana sa tshedimosetso se emetswe go tswa kwa Lefapheng le Dikema tsa pholo tse badiri ba kwadisitsweng mo go tsona. GEMS e sala go ineela go tsaya ditsamaiso tsa go ya pele. Sefalana sa tshedimosetso se amogetswe kwa bokhutlhong mme sa simola go dira moragonyana ka 2009.
Seelo sa tswelopele ya kgwedi le kgwedi ya maloko a a dirisang tirelo ya Friends of GEMS e setse go nna kwa tlase ga 50%. Dikgato tse di farologaneng di le mmalwa di tserwe ke botsamaisi go bona seelo sa tswelopele se tokafala, go akaretsa phasalatso ya bukana e e diretsweng maloko ya 'go dirwa jang'. Ka tlhagiso le phatlhalatso e e tswelelang ya melaetsa e e boelelang go solofetswe gore seelo sa tswelopele se tla tokafala mo tsamaong ya nako.
Dikamano-tshwantshanyo tse di beetsweng Sekema ga di a kgotsofatsa maparego a Molao 29 wa Melao ya Dikema tsa Pholo. Sekema se itemogetse kgolo e e botlhokwa ya maloko ka nako ya tshekatsheko-sešwa mme se sa tlhaphola magato a dirasefe tsa sona le kamano tshwantshanyo ya matlole a a lekaneng. Kamano-tshwantshanyo ya matlole a a lekaneng e amilwe ke lenaane la ditlhwatlhwa la National Health Reference Price List le le leng neng le le kwa godimo go feta ditlhatlhoso tse di neng di diretswe tekanyetso-kabo (ke gore seelo se se dirisitsweng ke Sekema go duela ditlelelimi tsa mosenyegelwa) le kgolo ya kalafi ya Single Exit Price (SEP) ka nako ya tshekatsheko-sešwa e e fokoditseng diresefe ka 0.89%. Go feta, maitemogelo a ditleleimi tse di leng kwa godimo go feta ka moo go neng go lebeletswe ka 2009, di letleletswe go maroborobo a a farologaneng (ke gore flu, swine flu le RSV) le kgolo mo dipalong tsa ditsamaiso tse di sa patelediweng tse di dirwang kwa bookelong. Kamano-tshwantshanyo ya matlole a a lekaneng ya 11.08% ka 31 Sedimonthole 2009 tlhaelo ya legato la mo legatong la 11.93% tse di letleletsweng ke Mokwadisi ka 2007 go latela tetla ya leano la kgwebo le le rometsweng ke Sekema go Khansele ya Dekema tsa Pholo.
Karolo 29 ya Molao wa Dikema tsa Pholo tsa botlhokwa, matlole a a kokoantsweng a tlhatlhogile ka bokanaka 36% go tswa mo dimilione di le R 723 million go dimilione di le R 986 mme se se ne se sa lekana go gaisana le tlhatlhoso ya 59% ya letseno la dikatso tsa Ngwaga-le-Ngwaga.
Tlhopho ya Onyx ke yona fela tlhopo ya poelo go begela ka ga tlhaelo ya matlotlo ya ngwaga ka nako tshekatsheko-sešwa mme ya palelwa ke go kgotsofatsa tlamelo ya karolo 33 ya Molao wa Dikema tsa Pholo. Ditatlhegelo mo boikgethelong jo di amanngwa le maitemogelo a ditleleimi tse di kwa godimo, go tlhagelela ga malawetse a nako e telele le seelo sa go amogela baamogeladitshwanelo mo tlhophong e, ga mmogo le lebaka la gore go feta 20% ya baamogeladitshwanelo mo tlhophong ke maloko a baphenšenara Boraro go feta palogotlhe e e tlhagelelang mo seelong sa baphenšenara ba Sekema. Boleng le makgetlo a ditleleimi di fetile ponelopele, ya maloko a mašwa le a a leng teng mo go Onyx. Dipoelo le dikatso di ne , le fa go le jalo tsa fetolwa ka 2008 go tsenngwa tirisong ka 2009 go fetola maitemogelo a ditleleimi le go atolosa serala sa botokololo sa boitlhophelo. Mokwadisi o o letleletse leano la kgwebo la boitlhophelo go nna e e lekanetseng mo boitlhophelong mo paka gareng le go begela go go beetsweng nako ya go diragala. Sa botlhokwa, boitlhophelo jwa Onyx bo kwadisitswe jaaka jwa poelo ka 2010 morago ga maitlhongwana a leano la kgwebo la 2010.
Go nnile le ditiragalo tse di nnileng teng ka 2009 tse bathapi ba paletsweng ke go duelela dikatso ka letsatsi la boraro la kgwedi. Go le gantsi se e nnile ditlamorago tsa dikoleleke tse di tshwanetseng go ntshiwa ke lefapha le le rileng, le be le feta ditsamaiso tsa ka fa gare tsa lefapha leo go ya ka dituelo tsa EFT. Sekema ikgolagantse se sa emise le batsamaisi ba bagolo ba makala a a thapang go netefatsa gore dikatso di tla tsewa go ya ka karolo 26 ya Molao wa Dikema tsa Pholo.
Ke rata go leboga le go lebogisa maloko otlhe a badiri ka kgolo le tlhabololo tse di tsweletseng. Ditebogo tse di botlhokwa di tshwanetse go ya go maloko a Komiti ya taolo, ke gore Damaria Pholosi (Modulasetulo), Charles Irumba le Nokukhanya Zwane, ba ba tsamaisitseng tiragatso ya MEDCOR ka katlego, mo godimo ga ditiro tsa bona tsa tlwaelo.
Ke rata gape go leboga David Makgalo go tsenya tirisong Lenaneo la Katiso la HR ya GEMS go ralala Tirelo ya Setšhaba yotlhe mo Kotareng ya babedi ya 2009.
Ke rata godirisa tšhono e go leboga badiri botlhe ba batlamedi ba ditirelo ba ba nang le konteraka le Sekema go neela ditirelo. Badiri ba ba dirile mo dikgwetlhong tse di farologaneng ka nako ya tshekatsheko-sešwa mme ba bontshitse boineelo jo bo sa fetogeng go baamogeladitshwanelo ba Sekema.
Ka boikobo ke rata go leboga Tona go letla Sekema go tswelela le go tsenya maatla a gagwe mo tsamaisong ya mediro ya Sekema.
Mokwadisi wa nama-o-tshwere wa Dikema tsa Pholo, Rre Craig Burton-Durham, le setlhopha sa gagwe se se dirisanang le GEMS kgapetsa-kgapetsa go tlamela ka kaetso e e seng kana ka sepe le bokgoni jo a bo neileng Sekema fa go tlhokega, di lebogelwa ka boikobo.
Mokwadisi yo o fetileng wa Dikema tsa Pholo, Rre Patrick Masobe, ga mmogo le Mokwadisi wa nama-o-tshwere wa Dikema tsa Pholo yo o fetileng, Rre Patrick Matshidze, le bona ba lebogilwe thata ka kaetso le tshegetso go GEMS ka nako ya tshekatsheko-sešwa.
Kwa bokhutlhong, lefoko la botlhokwa la ditebogo le tshwanetse go leba go mosadi wa me yo o rategang le bana ba ba ntetlileng go diragatsa tiro ya me jaaka Motlhankedi-mogolo wa se e salang go nna Sekema sa Pholo sa Puso se se botswerere.
Boto ya Bolaodi-jwa-matlole e tlhagisa pegelo ya yona ya Ngwaga-le-Ngwaga ya ngwaga o o fedileng ka 31 Sedimonthole 2009.
GEMS ga se Sekema sa pholo sa poelo e e lekanyeditsweng go ya ka maparego a molao wa Dikema tsa pholo 131 wa 1998 (Molao), jaaka o fetotswe.
Maikarabelo a leano la polokelo a emetse dikatso tsa lona tse e leng letlhakore la polokelo la dikonteraka tsa inšorense tse go dumalanweng ka tsona magareng ga maloko le Sekema, ntle le ditleleimi tse di solofetsweng go tswa mo maikarabelaong a Sekema mo boemong jwa maloko a sona. Letlhakore la polokelo le tlhatlhamolotswe ka jaanong Sekema se kgona go meta letlhakore la polokelo kwa thoko mme dipholisi tsa bobalatlotlo ga di tlhoke ke go tsaya tsia pateletshego le ditshwanelo tse di tlisiwang ke letlhakore la polokelo. Letlhakore la inšorense la palogotlhe ya dikatso tsa kgwedi le kgwedi e tsewa tsia go tsamaelana le IFRS 4.
Maikarabelo a leano la polokelo, ke gore letlhakore la polokelo, le tsewa tsia go tsamaelana le IAS 39 le ditshenyegelo tse di metilweng gonne le na le sebopego sa go pateletsa. Dikatso tsa leano la Polokelo di kereditiwa ka mokgwa wa go oketsa le go goga tšhelete ka mokgwa wa tšhelete e e seatleng, ke gore ga go tlamelo e e diretsweng ditleleimi tse di saletseng kwa morago kwa bokhutlhong jwa ngwaga.
Ditumelano tse di ikaegile ka melao ya Sekema le go tsamaelana ditlhokoego tsa Boemedi-jwa-matlole. Nako ya tumelano e e ntšhwafaditsweng e ke ngwaga o le mongwe go tloga ka 1 Ferikgong 2009 mme e tla fela ka 31 Sedimonthole 2009. Sekema se na le tshwanelo ya go ka emisa ditumelano ka kitsiso ya malatsi a le 90. Sekema se sekasekile sešwa tsamaiso ya go fetisa kotsi ga boitlhophelo jwa Sapphire le Beryl ka nako ya tshekatsheko-sešwa mme se se fetotse selebego ka 2010.
Go ya ka tetla kwa-pele ya bookelo le ditirelo tsa thuso ya potlako, ditlhwatlhwa di badiwa go ya ka maloko a a kwadisitsweng mo kgweding (ntle le maloko a a beetsweng thoko nakwana). Tšhelete-tshalelo e e saletseng kwa morago ga e tsale morokotso mme e solofetswe mo malatsing a le 7.
Tsamaiso le bolaodi jwa Sekema di ne di tlhokometswe ke Boto ya Bolaodi-jwa-matlole, e e nang le batho ba le somepedi ba ba kailweng ba tshwanetse e bile ba le maleba go tsamaisa kantoro. Balaodi jwa Matlole ba le barataro ba ne ba tlhophiwa ke maloko Boemedi-jwa-matlole go latela ditlhopho tse tlhokometswe ke Electoral Institute of South Africa (EISA) ka 2007 mme Tona ya Tirelo ya Setšhaba le Tsamaiso o thapile Balaodi ba Matlole go tsamaelana le Melao e e kwadilweng ya Sekema.
Ditiro tsa peeletso ya Sekema di se tlhagisetsa mefuta ya dikotsi tsa matlole, go akaretsa ditlamorago tsa dielo tsa morokotso. Leano ka karetso la tsamaiso ya kotsi le lebile thata go sa makatseng ga mebaraka ya matlole mme e ka rata go fokotsa ditlamorago tse di ka sekeng tsa kgatlhisa mo tirong ya go beeletsa gore Sekema se tsweletse boineelo jwa sona go maloko a sona.
Tsamaiso ya kotsi le ditshwetso tsa peeletso di dirwa ke Mokhuduthamaga wa Sekema, ka fa tlase ga bokaedi le dipholisi tse di letleletsweng ke Boto ya Bolaodi-jwa-matlole. Botsamaisi jwa Mokhuduthamaga bo tlamela dintlhatheo tse di kwaletsweng botsamaisi jwa kotsi jotlhe ga mmogo le dipholisi tse di kwadilweng tse di sireletsang karolo e e rileng tse di tshwanang le kotsi ya seelo sa morokotso, kotsi ya keretiti, tiriso ya didiriswa tsa matlole tse di kopolotsweng le peeletso ya matlole a a fetileng selekano mo sefalaneng se le sengwe.
Dipalopalo tse di botlhokwa tsa kgwebo le tekanyetso ya tiro di tlhagisitswe mo karolong ya Pegelo ya Boto go tlhalosa mokgwa o kgwebo ya Sekema e godileng ka teng, ditirelo di dirilwe le kgwebo e dirile sentle mo nakong ya jaanong.
Dikgaolo tsa Gauteng le KwaZulu-Natal tse di nang le bokgoni jwa kgolo, jaaka di na le dipalopalo (contingency) tsa badiredi-puso. Le fa diporofense di le pedi tse di ka nna le seelo sa tsenelelo se se kwa tlase ka 25.40% le 32.89% ka tatelano, di na le 41% ya palogotlhe ya botokololo jwa GEMS.
Tlhatlhoso ya ditshenyegelo go tsa poelo go tloga Moranang go fitlha go Lwetse ya ngwaga mongwe le mongwe go solofetswe ka setlha (ke gore dikgwedi tsa mariga). Sekema se tshwanetse sa bo se na le poapoelelo ya tuelelo ya ditleleimi ya dikeke di le 4 mme ditlhatlhogo ka dikgwedi tsa Phukwi le Phatwe di dirwa ke ditleimi tsa dipoapoelelo tse di se nang malatsi a tirelo, ke gore dipoapoelo tsa tleleimi ya dibeke di ke 5. Ditleleimi tsa kamano-tshwantshanyo di itemogetswe ka Sedimonthole 2009 e ne e le 72.06% fa e tshwantshanngwa le 41% ka Sedimonthole 2008. Tiro e e kwa godimo e e tlisitswe ke gore Sedimonthole e na le malatsi a le mantsi a tirelo (malatsi a le 34) fa e tshwantshanngwa le Ngwanatsele (malatsi a le 28). Gape, batlamedi ba ditirelo ba ne ba le bonako ka maitlhongwana a ditleleimi tsa Sedimonthole, fa go feta 60% ya ditleleimi di duetswe ka Sedimonthole e le tsa kgwedi eo.
Jaaka go bontshiwa mo sethalong se se fa tlase, Sekema se tsepamisitse mo go atoloseng sentlhaga sa Designated Service Providers (DSP) go netefatsa tetla e e kgonegeng ya go tlhokomela maloko ka mmapa wa mafelo kgatlhanong le sentlhaga sa DSP.
Tshegetso DSP ka tetla ya sentlhaga sa maloko a boitlhophelo jwa Sapphire le Beryl ga e a lekanyediwa fela kgolo ya dipalo go DSP e tshegetsa tetla go sentlhaga sa DSP ka maloko a boitlhophelo jwa Sapphire le Beryl bo sa lekanyediwa go kgolo ya dipalo mo sentlhageng sa maloko mme gape lefelo la motlamedi wa sentlhaga go amana le magae le madirelo a maloko. Go feta 90% ya maloko a boitlhophelo jwa Sapphire le Beryl ba nna kgotsa go dira mo sekgaleng sa 10km ya batlamela sentlhaga. Sentlhaga sa mmapa wa mafelo kgatlhanong se se tlhagisang fela botokololo e tlhagisitswe fa tlase.
Thadiso e e fa tlase e sobokanya kgolo ya botokololo le selekano sa lelapa sa GEMS go tloga Ferikgong 2009 go filtha 31 Sedimonthole 2009.
Botokololo jwa Sekema bo godile ka palogare ya 36% mo ngwageng o, go tloga go 300,536 (baamogeladitshwanelo ba le 824,738) malokomagolokwabokhutlongjwa2008go409,304(baamogeladitshwaneloba le1,147,897)kwabokhutlongjwa2009. Boitlhopelo jotlhe bo bontshitse seelo se sentle sa kgolo ka 2009. Fa e sale ka 2008, Boitlhopelo jwa Emerald bo godile go feta mo maparego a anengasolofetswe(baamogeladitshwanelobale277,121kgotsa46%fagotshwantshwanngwa le2008)mmeboitlhopelojwaBeryl bo ne bo na le palo e nnye ya kgolo e e neng e solofetswe (baamogeladitshwanelo ba le 3,314). Thadiso e e fa tlase e tlhagisa boalo jwa botokololo ka Boitlhopelo fa e sale ka 31 Sedimonthole 2009.
Boitlhophelo jwa Emerald bo sala go nna boitlhophelo jwa poelo jo bo golo (76.6% ya maloko magolo) fa boitlhophelo jwa Beryl bo sala go nna boitlhophelo jwa poelo jo bo nnye. (2.8% ya maloko a magolo). Boitlhophelo jwa Sapphire bo rekotile peresente e e kwa godimo ya leloko ka kgwedi fa le tshwantshanngwa le a mangwe. Boitlhophelo jo bo bontshitse kgolo e kgolo mo dikgweding di le tlhano ka go latelana go fitlha go Sedimonthole, go netefatsa tswelopele ya phitlhelelo ya matsholo a papatso a Sekema mo dikgweding tse di amegang.
Kgolo ya baamogeladitshwanelo ka boitlhophelo jwa poelo ka 2009 bo thadilwe fa tlase. Boitlhophelo jwa Beryl le Onyx bo bontsha seelo sa kgolo sa kgwedi le kgwedi se kwa tlase ga 1%.
Kamano-tshwantshanyo ya 2009 ya batlhokomelwa ba bana ba maloko mo go GEMS e tlhatlhogile go le gonnye go tswa go go 1.28, fa kamano-tshwantshanyo ya batlhokomelwa ba bagolo e fokotsegile go tswa go 0.54 go 0.53. Sekema se rekotile tlhatlhoso mo selekanong sa palogare ya lelapa jaaka ditlamorago tse di setseng tsa sethalo se se fa godimo.
Palogare ya selekano sa lelapa sa maloko mo go GEMS ka 2008 e ne e le 2.75. Boitlhophelo jwa Sapphire le Emerald bo na le palogare e kgolo go feta ya selekano sa lelapa (3.41 le 2.81 fela jalo). Thadiso e e fa tlase e tlhagisa kamano-tshwantshanyo ya motlhokomelwa (tlhagiso ya dilekano tsa lelapa).
Boitlhopelo jotlhe jwa GEMS bo tlhagisa palo e e kwa godingwana ya baamogeladitshwanelo ba bomme go na le ba borre. Boitlhopelo jwa Sapphire le Beryl di ne le fa go le jalo, Boitlhopelo jo bo leng teng go ka nna le palo e e kwa godingwana ya maloko magolo a borre go feta a bomme. 56.6% ya baamogeladitshwanelo ba Sekema ka 2009 ke bomme (56.4% ka 2008). Go tlhagelela ga baamogeladitshwanelo ba bomme go solofetswe ka ntlha ya palo e kgolo ya maloko a bomme a a thapilweng mo mafapheng a Pholo le a Thuto.
Mo boitlhopelong jwa Sapphire le Beryl, Beryl e na le palo e e kwa godimo ya batho ba bonang letseno le le kwa tlase (kwa tlase ga R3, 000) fa boitlhopelo jwa Onyx le Emerald bo na le dipalo tse di kwa godimo tsa maloko a magolo a a bontsi jwa palo ya maloko magolo a a bonang letseno le le kwa godimo ga R6,000 ka kgwedi. Ka kakaretso 31.3% ya maloko a GEMS a bona kwa tlase ga R6,000 ka kgwedi (go akaretsa le baphenšenara).
Ngwaga wa 2009 o bontshitse kgolo mo go sireletseng badiri ba ba maleba ba bosetšhaba. Kapa Bophirima, Foreistata le Kapa Bokone di nnile le dipalo tse di kwa godimo tsa tshireletso. Go tswa mo thadisong e e fa tlase, Kapa Bokone e nnile le palo e e kwa godimo ya kgolo ya maloko (53.64%), e latelwe ke Mpumalanga (39.76%) mme go tle Foreistata (38.08%).
Tuelo ya ditlelimi e tlhagisa gore bogolo jwa karolo ya tiro bo dirwa ke GEMS.
Sekema se dirile sentle fela mo tsamaong ya 2009, go koleka dikatso tse di fetang tsa ditleleimi le ditshenyegelo tsa boitlhophelo jotlhe ntle le jwa Onyx. Thadiso e e latelang e sobokanya tiro ya boitlhophelo jwa GEMS ka go farologana mo ngwageng wa 2009.
Ka kakaretso, palogotlhe ya ditleleimi tsa ka fa teng ga bookelo di ne di le kwa tlase ga tse di neng di bajetilwe ka bokana ka 6.23%. Mefuta ya ditleleimi tsa ka fa gare ga bookelo e e itemogetseng peresente e e kwa godimo ya go arogana go mo tswa tekanyetso-kabong ke gore kwa tlase ga ditleleimi tse di solofetsweng e ne e le tsa dipoelo tsa HIV/AIDS, maxillo-facial le dipoelo tsa pelegi. Le fa go le jalo, mo maparegong a tlhagisitseng karogano go tswa mo tekanyetso-kabong ya Maxillo-facial le HIV/ AIDS di ne di se kalo (ke gore kwa tlase ga karogano ya R0.20 leloko le leloko kgwedi le kgwedi go tswa mo tekanyetso-kabong).
Mefuta ya ditleleimi tsa ka fa gare ga bookelo tse di itemogetseng peresente e e kwa godimo ya karogano go tswa mo tekanyetso-kabong ke gore kwa godimo ga ditleimi tse solofetsweng e ne e le phokotso ya matsele, internal and external prostheses, jalelo ya dithwe le kidney dialysis. Mo maparegong a a tlhagisitseng karogano e e kwa godimo ya ditleleimi tsa ka fa gare ga bookelo go tswa mo tekanyetso-kabong e ne ka kakaretso e le ya go robala kwa bookelong, ke gore R57.59 leloko lengwe le lengwe, ka kgwedi kwa tlase ga se se solofetsweng se se leng setlhola segolo sa go ya tlase ga ditleleimi tse di solofetsweng ka 2009.
Ka kakaretso, ditleleimi tsa ka fa ntle ga bookelo di ne di kwa godingwana ga se se solofetsweng ke gore 18.77% go feta se se solofetsweng. Ditsholofelo tsa ditleleimi tsa ka fa ntle ga bookelo ntle le tse di ultrasound scans ka go ima di ne di le kwa godingwana ga tse di bajetilweng. Mefuta ya ditleleimi tse di itemogetseng peresente e kgolo ya karogano go tswa mo tekanyetso-kabong di ne di tswa mo specialised dentistry, HIV/AIDS le pelegi ya kwa gae. Le fa go le jalo, ntle le HIV/AIDS mo tlhagisong ya karogano ya maparego go tswa mo tekanyetso-kabong e e itemogetsweng mo mefuteng e ya ditleleimi di ne di sa tshwenye.
Mo tlhagisong ya maparego, karogano e kgolo e tswa mo tekanyetso-kabong ya ditleleimi tsa bomankge ba ba kwa ntle ga bookelo, ditlhabi le go ithekela melemo fa khaonthareng, HIV/AIDS le bomankge ba tsa meno. Ditleleimi di ne e le tsona di tlisitseng karogano go tswa mo tekanyetso-kabong e e itemogetsweng mo ditleleiming tsa ka fa ntle ga bookelo ka 2009.
Mo tsamaong ya ngwaga Sekema se ikemisitse kgoeletso go tlhatlhosa tiriso ya tlhokomelo e e thibelwang ke maloko mo boitlhophelong jwa Beryl le Sapphire. Thuto e e goeleditsweng e tlisitse go tlhaloganya go go tokafetseng ga dipoelo le tiriso ya boitlhophelo.
Se se akaretsa Boitlhopelo jwa Sapphire jaaka tiriso ya DSP e ne e le kwa godimo ga 97% mo tsamaong ya 2009.
Porofaele ya kotsi dipalopalo-batho mo go Emerald le Ruby di setse go nna di itsetsepetse le fa mo go Onyx di ile kwa tlase, se se tlhageletse mo tirisong ya bookelo le ditshenyegelo. Mo legatong la Sekema, tiriso ya bookelo ka kakaretso ga e a tlhatlhoga thata, mme koketso ya ditshenyegelo tsa bookelo di lebega di tsamaelana le diphetogo mo case mix, e e tsamaelanang le dipalo tse di tlhatlhogileng go bonala le bokgopo jwa dikamogelo tse di rileng.
Ka lebaka le, go nnile le kamogelo e e oketsegileng kwa maokelong ya pneumonia, mental health, knee replacement and arthroscopy, mme bontsi jwa mefuta ya ditshenyegelo tse di kwa godimo jaaka kamogelo ya cardiac and orthopaedic e fokotsegile. Fa bobalatlotlo jwa letlhakore le le kwa godimo la ditshenyegelo tsa bookelo bo santse bo le kwa godimo, Kamogelo ya Pelegi le malwetse a sesadi e fokoditse gape seelo mme se se akaretsa mmogo lefapha la pelegi ka karo le tiragatso ya laparoscopic. Le fa porofaele ya malwetse a nako e telele e oketsega, ditshenyegelo tse di kgolo tsa kalafi di tswa mo tetleng e e molemo go kalafi ya ka gale le ya fa khaonthareng. Tsepamo ka 2010 e tla be e le mo botsamaising jwa go feta tiriso ya kalafi ya fa khaonthareng, malwetse a nako e telele, maloko a a leng kotsi le tlhoseletso ditshenyegelong tsa bookelo e seng fela tsa malwetse a mokgwatshelo mme le boitekanelo jwa tlhaloganyo le HIV/AIDS.
Go tsofala ga dipalopalo-batho ba leloko go bonala thata.
Motsamao mo dirasefeng o tlhagisitswe mo kanegong ya tsa Matlole ka ga Diphetogo mo Matloleng le Rasefe. Ga go a nna le metsamao e e sa tlwaelegang e Bolaodi-jwa-matlole bo dumelang gore e tlisiwe mo tsibogelong ya maloko a Sekema.
Health Monitoring Company e thapilwe jaaka bagakolodi ba ba Sekema ba tsa inšorense kwa tshimologong ya 2010 mme ya tlamela Sekema ka tlamelo ya IBNR fa e sale ka 31 Sedimonthole 2009.
Sekema ga se a tshola dipeeletso mo Bathaping ba ba tsayang karolo ba Sekema.
Komiti ya Boruni o laetswe ke Boto ya Bolaodi-jwa-matlole ka lekwalo ka ga ditaelo tsa tiro (Audit Committee Charter) jaaka go botokololo, taolo ya tiro. Komiti e na le maloko a le maratato, ba bobedi jwa bona e leng maloko a Boto ya Bolaodi-jwa-matlole. Bontsi jwa maloko, go akaretsa Modulasetulo, ga se Batlhankedi ba Sekema kgotsa a batlamela tirelo. Leloko le le lengwe le le ikemetseng e ne e le Moemedi wa Matlole kwa tshimologong.
Motlhankedi-mogolo, Mokhuduthamaga: Matlotlo a Sekema, Motsamaisi wa Matlotlo , Baruni ba kwa ntle ba Sekema le Baruni ba kwa ntle ba tsenela kopano fa ba laleditswe, Dikopano tsa Komiti le go nna le tetla e e sa lekanyediwang ke Modulasetulo wa Komiti ya Boruni.
Go ya ka ditlamelo tsa Molao, maikarabelo a motheo wa Komiti ya Boruni ke go thusa Boto ya Bolaodi-jwa-matlole go diragatsa ditiro tse di amanang le dipholisi tsa bobalatlotlo jwa Sekema, mokgwa wa ka fa gare wa taolo, le pegelo ya tsa matlotlo le tsamaiso ya kotsi ka dikgato-tiragalo. Komiti ya Boruni e diragaditse maikarabelo go ya ka maparego a Charter ya Komiti ya Boruni ka 2009. Baruni ba kwa ntle le ba ka fa gare ba begela semmuso kwa Komiting ka ga diphitlhelelo tse di tlhagelelang go tswa mo ditirong tsa boruni.
Dikomiti tse di tlhagisitsweng fa tlase, di laetswe ke Boto ya Bolaodi-jwa-matlole ka lekwalo la ditaelo tsa tiro jaaka go botokololo, taolo le ditiro tsa tsona. Dikomiti di kopane bonnye ka kotara le jaaka go kailwe mo thulaganyong ya ngwaga e letleletse ngwaga mongwe le mongwe. Dikopano tsa Komiti di tsenelwa ke Bolaodi-jwa-matlole, tsamaiso ya Sekema le bomankge ba bangwe, ba e seng maloko a dikomiti tseo, mo bokgoning jwa bogakolodi. Dithadiso tse di mo ditsebeng 49 le 50 di bontsha thologelo ya kopano ya Dikomiti tse di farologaneng.
Boalo jwa maikarabelo a Komiti ke go thusa Boto ya Bolaodi-jwa-matlole mo go netefatseng tsamaiso e e rulaganeng sentle ya Sekema ka go tlamela tlhokomelo, tshekatsheko (assessment) le tshekatsheko-sešwa ya makala otlhe a kgwebo le tsamaiso ya Sekema. Go fitlha ga jaana, Komiti e thusa Boto ya Bolaodi-jwa-matlole mo go netefatseng gore tshusumetsano e e tsamayang ka boreledi e nna teng magareng ga batlamedi ba ditirelo le ba ba farologaneng gore ba kgone go fitlhelela maemo a maikaelelo a Sekema. Komiti gape e thusa Boto mo go netefatseng kgolo mo botokololong jwa Sekema le botswerere jwa merero ya maloko ka go tlhokomela tlhaeletsano le ditiro tsa go bapatsa merero ya maloko.
Boalo jwa maikarabelo jwa Komiti ke go sekaseka (assess), go swetsa le go begela ka ga tetlelelo ya dituelo tsa ex gratia go maloko a Sekema. Komiti e laetswe go letlelela dituelo tsa ex gratia fa fela maemo le tlhokomelo ya kalafi e tshosetsa bophelo; kalafi e tla tlisa seemo se se tokafetseng sa botshelo jwa modirakopo; kalafi e maleba ka sekalafi mme e ikaegile ka kaedi ya kalafi le porotokolo e e nang le bopaki jo bo amogelesegileng boditšabatšhaba, kgotsa modirakopo o bontshitshitse bopaki jwa go sa kgone go duelela kalafi ka mogwa mongwe.
Komiti e laetswe ke Boto ya Bolaodi-jwa-matlole go netefatsa Tsamaiso e e lolameng ka go tlamela tlhokomelo, tshekatsheko (assessment) le tshekatsheko-sešwa ya botogamaano jotlhe, Tsamaiso , le dintlha tsa kobamelo tsa kgwebo ya Sekema. Maikarabelo a Komiti a akaretsa go netefatsa kobamelo le Molao wa Dikema tsa Pholo le Melawana ya tsona; e e sireleditsweng le leina-tshupo la peomolao ya letshwao-kemedi; le letlhomeso la dipeomolao tse dingwe fela tse di maleba go kgwebo ya Sekema. Komiti e laetswe gape go netefatsa tsamaiso ya kotsi e e manontlhotlho le tsamaiso ya moamegi.
Boalo jwa maikarabelo a Komiti ke go tsaya tsia le go tetelela pele mo kganetsanong nngwe le nngwe e e fetisediwang ke Motlhankedi-mogolo go Komiti ya Kganetsano ya Boatlhodi mme e gakolole Boto ya Bolaodi-jwa-matlole mo go tsamaiseng dikganetsano ka kakaretso.
Ga go dikganetsano tse di amogetsweng ke Komiti ka 2009.
Boitlhophelo jwa Onyx jwa Sekema ga bo a diragatsa ditlhokego tsa go ikgona tsa Karolo 33 ya Molao mme Khansele ya Dikema tsa Pholo e itsisitse mo tsamaong ya ngwaga ka ga tiro ya matlotlo ya Sekema le tsa tlhopho e di totobaditsweng. Mokwadisi o letleletse leano la kgwebo la boitlhophelo go ikgona mo paka-magareng. Mokwadisi gape o kwadisediitse boitlhophelo jo mo ngwageng wa 2010.
Kamano-tshwantshanyo ya go nna le matlole a a lekaneng ga Sekema ga e a fitlhelela maparego a Molawana 29 . Sekema se itemogetse kgolo e e kgotsofatsang ya kgolo ya maloko ka nako ya tshekatsheko-sešwa mme se se tlhapotse kamano-tshwantshanyo ya go nna le matlole a a lekaneng ga Sekema. Go nna le matlole a a lekaneng mo legatong la 11.08% ka 31 Sedimonthole 2009 tlhaelo ya legato ya 11.93% e letleletswe ke Mokwadisi ka 2007 go latela tetla ya leano la kgwebo le le rometsweng ke Sekema go Khansele ya Dikema tsa Pholo. Sekema se ntshitse pegelo ka bonako ka magato a a saletseng (reserve) mo magatong mme ya tlhola pharologano go Khansele ya Dikema tsa Pholo mo maparegong a Karolo 29 ya molao wa Dikema tsa Pholo.
Moputso wa Boemedi-jwa-matlole o o tlhalosang dituelo tsa go tsenela pitso, tsa go tsaya leeto le marobalo, le katiso di tlhagisiwa go ya ka kitsiso note 14 ya Kanego ya tsa Matlole. Moputso o kaya ditlhwatlhwa tse di duetsweng Bolaodi-jwa-matlole go tsenela dikopano tsa Boto ya Bolaodi-jwa-matlole le Dikomiti tsa Boto. Bolaodi-jwa-matlole bo ka busediwa tšhelete ya ditshenyegelo tse ba di dueletseng ka mokgwa wa tuelo ya boroko le maeto mo tirong e e ba pateletsang jaaka Bolaodi-jwa-matlole jwa Sekema. Sekema se dirile patlisiso e e ikemetseng ya moputso go netefatsa gore moputso o o duelwang o maleka le maikarabelo a a dirilweng ke pateletso ya fiduciary ya Bolaodi-jwa-matlole le boitseanape jwa Bolaodi-jwa-matlole le Maloko a Komiti a a ikemetseng.
Ditiragatso tse di amanang le tsa mokgatlho ke dikatso tsa pele ga ditloso le ditleleimi di duetswe ke Boto ya Bolaodi-jwa-matlole, Motlhankedi-mogolo le setlhopha sa Bakhuduthamaga se se tlhagisitsweng ka botlalo mo kitsisong ya 22 ya Kanego ya tsa Matlole.
Šejule e e latelang e tlhagisa go tsenela kopano ga Maloko a Komiti e e ikemetseng le Motlhankedi Mogolo.
The Bolaodi-jwa-matlole bo tsaya tsiya gore ka go baakanya Kanego ya tsa Matlole ya Ngwaga-le-Ngwaga ba dirisitse dipholisi tse di maleba tota tsa bobalatlotlo, tse di dirisiwang gantsi le go tshegediwa ke dikatlholo ka kelotlhoko di le tse di tlhaloganyesegang le diphopholetso.
Bolaodi-jwa-matlole bo kgotsofaletse tshedimosetso e e leng mo Kanegong ya tsa Matlole ya Ngwaga-le-Ngwaga ka go sa gobelele e tlhagisa ditlamorago tsa tsamaiso ya ngwaga le seemo sa matlole a Sekema kwa bokhutlhong jwa ngwaga. Bolaodi-jwa-matlole gape bo baakantse tshedimosetso e e tsentsweng mo pegelong ya Ngwaga-le-Ngwaga mme ke maikarabelo a bona go tlhagisa tshedimosetso tsepameng ka tlhomamo mo teng ga Kanego ya tsa Matlole.
Bolaodi-jwa-matlole bo rwele maikarabelo a go netefatsa gore direkoto tsa bobalatlotlo di tshotswe. Direkoto tsa bobalatlotlo di tlhagisa tsepamo e e tlhaloganyesegang ya seemo sa matlole a Sekema se se kgontshang Bolaodi-jwa-matlole go netefatsa gore Kanego ya tsa Matlole ya Ngwaga-le-Ngwaga e obamela peomolao e e maleba.
Government Employees Medical Scheme e dirile mo tikologong e e tiileng ya taolo, e e kwadilweng sentle le go sekasekwa sešwa ka tlhomamo. Se se akaretsa tsamaiso ya kotsi le ditsamaiso tsa taolo ya ka fa gare e e tlhamilweng go tlamela, netefaletso e e tlhaloganyesegang, mme e se ya bofelo ya gore dithoto di bolokegile le kotsi e e lebileng kgwebo e ka fa tlase ga taolo.
Matshwenyego a a leng teng a amogetswe ka go baakanya Kanego ya tsa Matlole ya Ngwaga-le-Ngwaga. Bolaodi-jwa-matlole ga bo na lebaka la go dumela gore Sekema ga se matshwenyego a a leng teng mo bogautshwaneng, go lebeletswe ponelopele le go nna teng ga didiriswa tsa tšhelete e e seatleng. Dikanego tsa Matlole tse tsa Ngwaga-le-Ngwaga di tshegetsa go nna teng ga Sekema.
Baruni ba Sekema ba kwa ntle, SizweNtsaluba VSP ba rwele maikarabelo a go runa Kanego ya tsa Matlole mo maparegong a seemo sa boditšhabatšhaba mo Boruning mme pegelo ya bona e tlhagelela mo letlhareng la 56.
Government Employees Medical Scheme e na le boineelo mo dintlhatheong le go sa gobelele ga dikgato-tiragalo, go senola, seriti le maikarabelo mo tirisanong le baamegi. Balaodi ba Matlole ba le barataro ba ba neng ba le mo kantorong ka 2007 ba thapilwe ke Tona ya Tirelo ya Setšhaba le Tsamaiso mme Balaodi ba Matlole ba le barataro ba ne ba tlhophiwa gape.
Bolaodi-jwa-matlole bo a kopana ka gale le go baya leitlho tiro ya Batsamaisi. Ba rarabolola motseletsele wa merero e e tshwenyang thata le go netefatsa gore dipuisano tsa didiriswa tsa pholisi, togamaano le tiro di sisibetse, di itsisitswe di rulagane.
Bolaodi-jwa-matlole jotlhe bo na le tetla ya kgakololo le ditirelo tsa Motlhankedi-mogolo, mme fa go tlhokega, di ka tlhoka kgakololo e e ikemetseng ya semankge ka seemo sa Sekema.
Motsamaisi wa Sekema o tlhokomela ditsamaiso tsa ka fa gare le mokgwa o o tlhamilweng go tlamela netefaletso e e tlhaloganyesegang jaaka seriti le botshepegi jwa Kanego ya tsa Matlole go sireletsa, go tlhomamisa le go tlhokomela maikarabelo a dithoto tsa sona. Ditaolo tse di jaana di ikaegile ka tlhagiso le ditsamaiso mme di tsentswe tirisong ke modiri yo o katisitsweng tlhaolo ya ditiro go ya ka bomaleba.
Ga go tiragalo kgotsa tiro e e tlileng mo tsibogelong ya Boto ya Bolaodi-jwa-matlole e e tlhagisang kgaoganyo ya didiriswa dingwe mo tirong ya taolo ya ka fa gare le mekgwa ka ngwaga wa tshekatsheko-seswa.
<fn>(762010100824 AM) 1495 Final Gems Birthing Options_TSWANA.txt</fn>
Go nna le ngwana e tlile go nna nngwe ya ditiragalo tse di kgotsofatsang tota mo botshelong jwa gago, le fa go lapisa tlhaloganyo (stressful). Mo le-tlhakoreng le lengwe, o emetse ka boitumelo go goroga ga ngwana wa gago morago ga dikgwedi tse robongwe. Le fa go le jalo, gape mo letlhakoreng le lengwe o tlabo o akantse ka ga tsela ya go netefatsa gore kgabaganyo ya ngwana wa gago go tswa mo popelong go goroga mo lefatsheng e diragala ka manokonoko (trauma) a le mannye ka moo go ka kgonagalang ka teng.
Ka go itse ditlhopho tsa gago gammogo le go ikgolaganya le motlamedi wa tirelo ya gago ya boitekanelo, o ka dira tshwetso e e nepagetseng go wena le ngwana wa gago. Boitekanelo jwa gago jwa kakaretso, gammogo le jwa ngwana wa gago yo o iseng a belegwe, di tla nna tsona di swetsang tlho-pho ya gago. Netefatsa gore o tlhaloganya se se tla diragalang gammogo le ditshiamelo (advantages) le seng ditshaimelo (disadvantages) tsa ditlhopho tsa gago.
Go belega ka tlholego ka gale go simolola nako nngwe le nngwe e e sa lebelelwang mo sebakeng sa dibeke tsa 37 go fitlha go 42 tsa boimana.
Wena le ngwana wa gago le bewa leitlho ka dinako tsotlhe ka nako ya go belega, e bile badiri ba tsa boitekanelo ba ba katisitsweng ba teng go go thusa fa o itemogela matsapa (complications).
Go bewa leitlho go gontsi go ka lebisa kwa tsereganyong ya kalafi e e sa tlhokegeng.
O ka batla go bewa kwa ga mothakga ka dilo tse o di tlwaetseng ka nako e, e bile bookelo ga se ka gale lefelo le le itume disang le go ka baya motho kwa ga mothakga.
Go belegela kwa gae ke tlhopho e e babalesegileng, fa e le gore boimana jwa gago ga bo na mathata ape, mmoki-mmelegisi wa gago o dirisa ditlamelo tsa sešwengšweng tse di tsamaisiwang (portable) e bile o kgona go fitlhelela legae la gago ka nako.
O itse sentle e bile o gololosegile mo lefelong le o belegelang ngwana wa gago mo go lona.
Fa o ka itemogela matsapa, thuso e o tla e amogelang e ikaegile ka boitseanape jwa mooki kgotsa mooki-mmelegisi gammogo le bonolo jwa go fitlhelela bookelo, fa go ka tlhokega.
Se ke go belega ga tlholego go go diragalang ka fa tlase ga metsi e bile go ka dirisiwa jaaka tsela ya go fokotsa ditlhabi ka nako ya go belega.
O kgona go sutasuta bonolo mo metsing.
Go ka nna le kotsi ya tshwaetsego mo go wena le mo ngwaneng wa gago.
Ngwana o belegwa ka go sega mpa le popelo. Go ka boloka botshelo jwa ngwana le mmaagwe, fela ditlamorago (effects) tsa karo e kgolo le go robadiwa ka lomao (anaesthesia) di ka dira gore mme a itemogele matsapa.
Go itlhophela pelegi ya karo go a rulaganngwa ka nako ya boimana ka ntlha ya matsapa a kalafi kgotsa a obstetric, fa go tsewa gore pelegi ga e a bolokesega mo ngwaneng kgotsa mo go mmaagwe.
Pelegi ya karo ya Maemo a tshoganyetso e dirwa fa matsapa a diragala ka nako ya pelegi. Ka dinako dingwe go tlhokega ga pelegi ya karo, ga go a tlhapa go fitlha ka nako eo pelegi e tsweletseng, e bile bomme ba bangwe ba ba eletsang go belega ka tsela ya tlholego, go ka tlhokega gore ba belege ka karo.
Go belega ga gago ga go diragale jaaka go tshwanetse.
Go betsa ga pelo ya ngwana, go go tla bewang leitlho ka mokgwa wa motšhini wa seeleketeroniki wa pelo ka dinako tsotlhe ka nako ya pelegi, go ka kaya gore ngwana o na le mathata ka nako ya pelegi.
Fa e le gore ngwana wa gago o mo popelong ka maemo a gore tlhogo ya gagwe e kwa godimo mme maoto a kwa tlase (breech position) kwa bofelong jwa boimana jwa gago, go belega ka karo ke tlhopho e e nang le kotsi e nnye.
Mo mabakeng a mangwe, go belega ka karo go botlhokwa.
Pelegi ya karo ke tsela e e eletsegang fa e le gore mme o tshwaeditswe ke HIV. Se se fokotsa kgonagalo ya go fetisiwa ga kokwanatwatsi ya HIV go tswa go mme go ya go lesea.
Mo mabakeng a le mantsi, tsela e e eletsegang ya go belega morago ga go belega ka karo, ke go belega gape ka karo.
Se ke tshwaetsego ya popelo e e nnang teng mo mala tsing a le mane go ya go a le supa morago ga karo.
E alafiwa ka melemo ya antibiotics.
Go le gantsi go alafiwa ka melemo e e tlholang gore popelo e gonyele le go emisa go tshologa madi.
Kgobalo mo setlheng kgotsa karolong ya mala go ka direga.
Boimana le pelegi ya karo di oketsa kotsi (risk) ya go nna le go thibana ga madi mo maotong, selo se se itsegeng jaaka deep vein thrombosis (DVT).
Bomme ba ba mo kotsing e kgolo ya go nna le DVT, ba ka fiwa molemo wa anticoagulant (molemo wa go sesafatsa madi) go fokotsa kotsi mo go bona.
O tlhoka go ikwadisa mo Lenaneong la Boimana go fitlhelela dithuso tsa gago jaaka leloko la nngwe ya ditlhopho tsa dithuso tsa GEMS.
Go akaretsa dithuso tsa boimana kwa sentlhageng sa maokelo a poraefete a a supilweng.
Go belegela kwa gae ka R6 610 go moamogeladitshwanelo.
<fn>(87200915315 PM) setswana.txt</fn>
Moragonyana ga dikgwedi tse 18 ke nako ya gore ke a leboga!
Ntšhwafatso ya konteraka ya tiro: Netefatsa gore go tladitswe tsotlhe tse di botlhokwa!
Re mo gare ga ngwaga wa 2009 mme mariga a re tshwere ka thata. Fa malatsi a ntse a khutshwafala le go tsidifala, re solofela go go leretse bothito le boiketlo ka tlhagiso ya bobedi ya Facets ya 2009.
Facetse e nang le tebego e ntšhwa e amogetswe le go tsibogelwa ka bothito le phisegelo mme re tshepa gore tlhagiso e e tla go itumedisa, kgatlhisa le nna le mosola.
Fa motho a akanya gore ditiro tsa GEMS di lebile thata go tshola maloko a rona a a fetang 350 000 a itumetse le go itekanela, go tota go makatsa gore ke go le gonnye go le kana kang go aroganya dikgang tsa nnete - tse gantsi di felang sentle ka boitumelo - tsa maloko a rona. Kgang nngwe ya go nna jalo, ya ga Mzimasi Ngqelu le gore o ne a rudisetswa jang mo botshelong morago ga go nkgankga loso, e gorogile malobanyana mo dikantorong tsa rona. Re amilwe thata ke sepheto se GEMS e nnileng le sona mo botshelong jwa ga Mzimasi. Ga ke tle go senya kgang e ka go go bolelela sengwe le sengwe fa; mme o ka nna wa buisa kgang ya gagwe e e tiisang mooko fa o bula mo tsebeng e e latelang.
Mo tlhagisong e re boa re sirolola kgaisano ya maloko a rona, Sisonke, e e tiisitweng mooko ke maitemogelo a ga Mzimasi. Re go rotloetsa go tsenela kgaisano e ka gonne re batla go utlwa gore GEMS e amile botshelo jwa gago jang.
Le fa re setse re le mo gare ga 2009, re setse re itsisitse ditirelo tsa maloko di le mmalwa tse dintšhwa. Mo tlhagisong e o tla buisa go le gontsi ka Lenaneo la rona le le kgethegileng la Kimo, le le itsisitsweng ka la 1 Motsheganong 2009 mme le tlamela baimana ka tshegetso, thuto le kgakololo ka kgato nngwe le nngwe ya kimo ya bona le morago ga pelegi.
Re itsisitse malatsi a go lekola maemo a pholo e e lereng ditirelo tsa go go lekola maemo a pholo kwa lefelong la gago la tiro. Tirelo e nngwe e ntšhwa e e sirololwang mo tlhagisong e ke Tebo ya Dithuso ka SMS e maloko a rotloediwang go e dirisa. O tlhoka fela go tlhomamisa gore o na le dithuso tse kae pele ga o lopa tuelo ka go romela SMS kwa Sekemeng sa gago se se gaisang, mme re tla boela mo go wena ka tshedimosetso yotlhe e e tlhokegang mo sebakeng sa metsotswana!
Nngwe le nngwe ya ditirelo tse dintšhwa e tlhagelela ka botlalo kwa pelenyana mo lekwalokgannyeng le - ka ga jalo netefatsa gore o buisa gotlhe ka yona. Mo paakanyetsong ya molaetsa o, ke lekile fela jaaka ka metlha, go bontsha maloko a rona gore GEMS e tsweletsa go maemo a a gaisang.
Ke solofela gore o tla itumelela tlhagiso e ya Facets, go fitlha mo nakong e e tlang - thutafala mme o nne o itekantse.
bo fetogile ka gotlhe morago ga letsatsi le a batlileng go tlhokafala mo kotsing e e setlhogo ya sejanaga.
Lefapha la Ditirelo tsa Kgwebisano ya Setšhaba, yo e leng leloko la GEMS, ga a ise a gopole letsatsi leo go feta se a se boneng mo malatsing a a sa tswang go feta, fa a ne a amogela lekwalo la bofelo la tshupamolato kwa posong.
Ka ponyo ya leitlho ke ne ka lemoga gore ga nkitla ke tsamaya ke kgona go duela molato otlhe wa dituelo tsa bookelo wa R180 000 go tswa mo kgetsing ya me, Ngqelu o ne a tlhalosa jalo.
GEMS e a dueletseng dituelo tsa bookelo a netefaditse gore ke amogela kalafo e e siameng thata. E bile e bolokile botshelo jwa me, ga rialo Ngqelu, lentswe la gagwe le roroma le tletse maikutlo a kutlobotlhoko.
Morago ga go amogela lenanetheko la bofelo o ne a utlwa go tlhokega gore a lebogele GEMS thuso ya bona. "Ntlha ya gore ga ke a bona dikgobalo tsa leruri mo kotsing e ke kgakololo ya letsatsi le letsatsi ya gore GEMS e ne ya ntla jang matshediso - tseno tsotlhe le fa ke ne ke ise ke fetse ngwaga ke le leloko la GEMS".
Ka letsatsi la kotsi, la 8 Diphalane 2007, loapi lo ne lo le talafetse ka maru ka gonne go ne go tla matlakadibe. Morago ga tiro o ne a tsena mo teng ga Nissan Micra ya gagwe mme a kgweetsa go tswa kwa Hatfield, Pretoria go leba kwa ntlong ya gagwe kwa Centurion. O ne a fetsa fela go feta sekhutlo sa Mebila ya Hofmeyer le Botha fa sejanaga sengwe se ne se kgabaganya lebone le le hibidu ka lobelo lo lo kwa godimo. O gopola thulano ya fa sejanaga seo se ne se thula sa gagwe mo letlhakoreng la mopalami. Morago ga moo, go ne ga fifala sengwe le sengwe. Nngwe ya dikakanyo tsa bofelo tse di kgabagantseng monagano wa gagwe ke gore o ne a gopotse go kgomaretsa semanego sa GEMS mo sesiraphefong sa gagwe. "Ke ne ke sa itse go le gontsi gore go tla ntswela mosola ka nako e ke tlhokang".
Go tsewa gore mongwe yo o neng a eme gongwe foo o ne a leletsa Netcare 911. Hannes Bosman, modiredi wa tshoganyetso yo o itseng go le gontsi ka tshegetso ya botshelo wa Netcare 911 yo o dirang mo Bookelong jwa Netcare Unitas, o ne a itlhaganelela kwa lefelong la kotsi. Bosman o sa ntse a gopola kotsi e. "Pula e ne ya simolola go na fa re tshwere phage ka mangana go golola Ngqelu mo matlhekgeng a tshipi a a kileng a nna koloi ya gagwe. Ka ntlha ya gore re ne re bone semanego, re ne ra itse gore re ka mo isa kwa bookelong jo bo gaufi jo bo siameng le gore go ne go se kitla go nna le kakabalo jaaka mo mabakeng a balwetsi ba bangwe ba ba seng mo sekemeng sa kalafi."
Bosman le dingaka ba ne ba sa nagana gore Ngqelu a ka phologa. Dingaka di ne di boleletse balelapa la gagwe gore go na le kgonagalo ya gore ga a kitla a tlhola a tsoga gape. Le fa go ne go ka direga, o ne a ka nna le bolwetsi jwa tebalo kgotsa a swa ditokololo. Mme mongwe le mongwe o ne a nyaditse mowa wa go kgaratlha wa ga Ngqelu. Morago ga dibeke tse pedi a le mo maibing mo yuniting ya tlhokomelo e e tseneletseng kwa Bookelong jwa Netcare Unitas, Ngqelu o ne a tsoga - mme boboko jwa gagwe bo ne bo dira sentle fela.
O ne a romelwa kwa lefelong la tsosoloso ya dikgobalo kwa Kensington, Johannesburg, kwa o neng a amogela fisioterapi le tlhatlhobo ya tlhaloganyo. Ka Ferikgong 2009 o ne a itekanetse sentle gore a ka boela kwa tirong; sengwe se dingaka di neng di akanya gore ga se kitla se kgonagala. A re botshelo jwa gagwe bo fetogile go nna botoka. A re, "Ke tlotla botshelo le go feta e bile ke iponetse mosadi." O nyetse Nqobile Mangena (jaanong ke Ngqelu), modirammogo, ka Ngwanaatseele ngogola. Ga jaana o itumelela kadimo ya gagwe e ntšhwa ya botshelo mme o leka go rotloetsa batho ba le bantsi ka mokgwa o kgonang ka teng gore e nne maloko a GEMS. O feleletsaka gore, "Gape ke a leboga GEMS." "Ga lo a dira pharologanyo fela mo botshelong jwa me, mme lo bo bolokile."
boitekanelo tsa gago di tokafetse mo go bonalang morago ga go nna maloko a GEMS?
Fa go ntse jalo, re batla go utlwa ka maitemogelo a a siameng a o nnileng le ona jaaka leloko la GEMS. Fa o aroganya kgang ya gago le rona, jaaka go dirile Mzimasi Ngqeli, o ka nna wa gapa mpho! Ga o tlhoke go nna mokwadi kgotsa mmegakgang yo mogolo; o tlhoka fela kgang e e siameng e o ka e bolelang.
Nka e tsenela jang?
Go bonolo! Re romelele fekese, emeile kgotsa o pose lekwalo mo o re bolelelang kgang ya gago e e siameng. O ka nna wa dira jalo ka puo nngwe le nngwe ya semmuso - re tla a buisa otlhe!
Gakologelwa go akaretsa leina, dintlha tsa kamano le nomore ya go nna leloko.
Nka fenya eng?
Fa se utlwala sentle, netefatsa gore o tsenela kgaisano ya GEMS ya Sisonke. Re letile go utlwa mo go wena! Kgaisano ya GEMS ya Sisonke e simolola ka la 1 Phukwi 2009 mme e tla tswelela go fitlha kwa bokhutlhong jwa Phatwe 2009. Fa o batla tshedimosetso go ya pele ka mabaka otlhe a kgaisano, etela www.gems.gov.za.
Ke ka boitumelo jo bogolo go itsise kgaisano e e farologaneng le tse dingwe. E e diretsweng wena fela! Fa o le leloko la GEMS o na le nonofo ya go e tsenela. Fa o dira jalo, o na le tšhono ya go gapa mpho e e eletsegang.
GEMS, badirammogo le - se se botlhokwa thata - le rona.
Kgaisano e e ka ga eng?
Kgang ya ga Mzimasi Ngqelu e ne ya re tiisa mooko rotlhe mo GEMS gore re bo re akanye go rotloetsa maloko a rona a mangwe a mantsi go aroganya le rona dikgang tse di kgethegileng. A go na le sengwe se se diragetseng mo GEMS e neng ya go falosa mme o tsaya gore batho ba bangwe ba tshwanetse go utlwa ka sona?
A GEMS e go kgatlhile ka tirelo ya bona, tsibogelo e e bonako, lentswe la botsalano moseja ole wa mogala kgotsa letsogo la thuso le le neng le sa solofelwa; mongwe yo o direlang wena kgotsa ba o ba ratang go feta jaaka go solofetswe?
A lebaka la gore o leloko la GEMS le boloka botshelo jwa gago, kgotsa botshelo jwa mongwe wa balelapa la gago Kgotsa a botshelo le Re motlotlo go bega gore jaanong batho ba ba welang ka fa tlase ga leloko ba ka fitlhelela Lenaneo la Kimo la GEMS le le ntšhwa. Lenaneo le tsentswe tirisong ka la 1 Motsheganong 2009 mme le tlamela baimana ba ba kwadisitsweng ka fa tlase ga leloko ka tshegetso, thuto le kgakololo mo dikgatong tsotlhe tsa kimo ya bona le nako ya fa ba fetsa go belega?
Lenaneo le le dira jang?
Lenaneo le eteletswe pele ke batsamaise ba kgang, ba e leng baoki ba ba nang le maitemogelo ba ba kwadisitsweng e bile ba na le dithuto tsa tlaleletso tsa pelegiso. Ba tla go thusa ka tirego ya ikwadiso mme o ka ikgolaganya le bona ka logato longwe le longwe la kimo ya gago fa o batla kgakololo le tshedimosetso.
O tla amogela buka ya GEMS ya kimo le pelegi, e e tlamelang ka tshedimosetso ya bomme ba ba letileng go nna le ngwana.
Bomme ba fiwa pakana ya mpho ya mahala go tswa GEMS! E tla romelwa kwa go bomme ba ba leng mo kgweditharong ya bona ya boraro ya kimo ya bona.
Batho ba ba kwadisitsweng ka fa tlase ga leloko ba amogela lenaneo la tlhokomelo le le fang dintlha tsa ditirelo tsa kimo tse GEMS e di dumeletseng.
O tla fitlhelela tshedimosetso ya pholo e e tla go thusang go akanya ka pholo ya gago le ditlhopho tsa pelegi le ngaka ya gago kgotsa mmelegisi.
Kgakololo ya mogala le tshegetso di teng fa o kopana le mathata ka dibeke tsa ntlha tse di mmalwa tsa botsadi. Ela tlhoko: Lenaneo le ke mahala mo malokong mme go tla dirisiwa dithuso tsa ka gale tsa kimo. Lenaneo le neela maloko dithuso tse dintsi mme ga le emele kgakololo ya kalafi e e tswileng diatla le tlhokomelo e maloko a e amogelang kwa dingakeng.
Ke ikwadisetsa jang lenaneo le?
O tlhoka go ikwadisa fa ngaka e se na go totobatsa gore kimo ya gago. Fa o batla go ikwadisa kgotsa go bona tshedimosetso go ya pele, ikgolaganye le GEMS mo 0860 00 4367 kgotsa o romele emeile mo go enquiries@ gems.gov.
Ke ga kae o kileng wa tlhoka go netefatsa dithuso tsa sekema sag ago sa kalafi ka lepotlapotla Re a itse gore gantsi seno ke sa bonako mme re ipoleletse gore re batla tharabololo. Go netefatsa dithuso tsa gago jaanong go ka diriwa ka bonako le bonolo ka SMS. Romela SMS kwa GEMS ka sebopego se se beilweng (leba fa tlase) mme mo metsotswaneng e se kae o tla bona karabo ya SMS e e tlhomamisang dithuso tsa gago tse di teng. Ela tlhoko gore dikhouto tse di bonolo tsa maloko ba ba tlhophileng Sappphire le Beryl di farologane le tsa maloko a Ruby, Emerald kgotsa Onyx. Se ke ntlha e e botlhokwa ya kagosešwa ya GEMS e e go leretseng tlhokomelo ya pholo e o ka e fitlhelelang?
E dira jang?
Romela tshedimosetso e e latelang ka SMS mo 33489 (SMS nngwe le nngwe e ja R1.50): Kgato 1: Kwala Thuso. Kgato 2: Kwala nomore ya go nna leloko la GEMS. Kgato 3: Tlhopha thuso e o batlang go netefatsa go tswa mo mananeong a a fa tlase (Ela tlhoko: ke thuso e le nngwe fela e o ka e netefatsang ka SMS mo setlhopheng se.) Kgato 4: Kwala khouto e khutshwane go tswa mo manaaneng a a fa tlase. Kgato 5: Kwala khouto ya motho yo o kwadisitsweng ka fa tlase ga gago (o ka nna wa fitlhela se kwa morago ga karata ya gago ka fa tlase ga "Leina", sekai 00, 01 jalo le jalo). Fa e le gore ke wena lelokolegolo, kwala "00". Kgato 6: Tobetsa o romele mo selefouneng ya gago. Press send on your cell phone. Kgato 7: Letela karabo go tswa go GEMS mo metsotswanang e mmalwa.
Fa SMS ya gago e sa atlega, o tla amogela karabo go tswa GEMS e e tlhalosang gore ke goreng. O ka nna wa baakanya phoso mme o romele SMS e ntšhwa go bona tshedimosetso e o e batlang.
GEMS e itsisitse ditirelo tsa tekolo ya maemo a pholo tsa mafapha, le le simologileng ka la 1 Motsheganong 2009. Maloko a tla bona thuso ka sebaka se go lekola maemo a pholo ka mokgwa ka tsela ya seporofešenale go bona matshosetsi a pholo a o nang le ona kgotsa a a nang le bokgoni jwa go nna teng ka pele gore bolwetsi bo thibelwe kgotsa bo fokodiwe.
Badiredipuso ba e seng maloko a GEMS ga jaana le bona ba tla dirisa tirelo e e khethegileng e.
Go diragala eng ka letsatsi la tekolo ya maemo a pholo?
Fa ba laleditswe ke lefapha la gago, diporofešenale tsa tlhokomelo ya pholo ba GEMS ba tlhoma lefelo la tekolo ya maemo a pholo kwa lefapheng la gago. Badiri botlhe ba tla tsenela ditekolo tsa maemo a pholo letsatsi lotlhe.
Diporofešenale tsa tlhokomelo ya pholo ba tla nna teng go buisana le wena ka namana ka hisetori ya gago ya pholo le go dira diteko tsa tekolo ya maemo a pholo le kalafi. Dipholo di tla buisanelwa le wena o le nosi mme o tla fiwa kgakololo ya gore o ka tsaya dikgato dife go ya kwa pele.
Ka letsatsi la tekolo ya maemo a pholo la GEMS, badiri botlhe ga ba kitla ba tlhoka go ikwadisa ka bonosi, ka gonne diporofešenale bat la bob a ba letetse kwa lefelong. Ba tlhoka fela go nna teng! Badiri botlhe ba tla tlamelwa ka ditshidilo mo tlhogong le mo thamong ka letsatsi le jaaka tlaleletso go tswa mo sekemeng sa gago se se kwa pele sa kalafi.
Badiri botlhe ba ba tsayang karolo mo ditekolong tsa maemo a pholo bat la amogela tshedimosetso ka matshosetsi a pholo ya bona le dikgato tse ba tshwanetseng go di tsaya go thibela kgotsa go fokotsa mathata a a amanag le pholo.
Ke diteko dife tsa tekolo ya maemo a pholo tse di tla diriwang?
Badiri ba tla tlhoka go tlatsa pampiri e e bonolo ya dipotso ya hisetori ya kalafi, e e tla tlamelang porofešenale ya tlhokomelo ya pholo ka tshedimosetso e ntsinyana ka faele ya gago pele a go dira diteko.
Sukiri ya madi le kholeseterole (fa o batla se o tlhoka go tlhabiwa monwana o le mongwe).
Sedikiso sa letheka.
Mo karolong ya bobedi ya tatelano ya rona ya WEB SMARTER re go bolelela go le gontsi ka karolo e ntšhwa ya Boitekanelo jwa me ya wepesaete ya GEMS, e e go tlamelang ka tshedimosetso le kgakololo ya pholo e o e batlang. O ka nna wa fitlhelela diathikele tse di nang le tshedimosetso ka ga boitekanelo kwa laeboraring ya kalafi ya ditshupo, tsamaiso le kalafi. Batla setlhogo sa tlhopho ya gago ka go dirisa thulaganyo ya rona e e bonolo ya go batla tshedimosetso. Lefelo la thuso ya potlako le tlamela ka tshedimosetso ya gore o ka tsaya jang dikgato tsa ka bonako fa go nna le tshoganyetso ya kalafi. O ka nna wa ithuta go lemoga ditshupo tsa bolwetsi jwa pelo le go dirisa thuso ya potlako.
Batla wepe ya gago. Ya kwa www.gems.gov.za. Mo tsebegaeng ya wepesaete, fela ka fa tlase ga boloko ya dikitsiso, o tla bona konopo ya "Boitekanelo jwa me" (e e nang le setshwantsho sa ditleloko tse pedi).
Go tlaleletsa Boto ya Batlhokomedi ba Sekema (BOT) le tsamaiso ya setlhopha, go na le dikomiti tse tlhano tsa Boto tse di lebelelang tiro e e diriwang mo mafelong a a farologaneng. Ba dira ditiro tsa bona go go itumedisa. O ka nna o na le kitso ya gore sekema sa gago se mo matsogong a a siameng.
Komiti ya ditiro E thusa BOT ka go netefatsa ditiro tse di siameng tsa sekema, jaaka go kokoanya dikabelo, go duela dikopotuelo le go tsamaisa direkoto tsa maloko. Komiti e gape e thusa BOT ka theko le thekiso le tlhaeletsano.
Komiti ya Ex Gratia E tlhatlhoba, akanya le go bega dithebolo tsa dituelo tsa ex gratia, ke gore tuelo ya dikopotuelo tsa maloko mo dithuso tsa ka gale di seng teng. Go dirisiwa mokgwa o o gagametseng fa komiti e kopana ka kgwedi le go leba dikopo tsa dituelo tsa ex gratia.
Komiti ya tsamaiso, E netefatsa gore tsamaiso ya setlamo e dirisiwa mo mererong matshosetsi le badirimmogo a sekema, ka go nna le bonnete jwa gore Sekema ga se gatake molao ope o o amang ditiro tsa yona. E tshwanetse gape go netefatsa gore matshosetsi go kgwebo ya Sekema a lemogiwa mme a tsamaisiwa ka tsela e e nepagetseng le gore dikgatlhegelo tsa badirimmogo di sireleditswe sentle.
Komiti ya kganetso E ikemetse mme e akanya le go okama kganetso nngwe le nngwe e Montlhankedi mogolo a ka nnang a e romela kwa go nona gore e sekasekiwe.
Go botlhokwa gore leloko lengwe le lengwe le tlamele sekema ka dintlha tsa ID tsa batho ba ba kwadisitsweng ka fa tlase ga gagwe. Re tlhoka tshedimosetso e go netefatsa gore re duela ditopotuelo ka nepagalole gore rekoto ya maoko a rona e nna e tladitswe le go nna mo dinakong. Re kopa o romele khopi ya setefikeite kgotsa dibukaitshupo ka go di romela ka poso kwa Premium Management, Private Bag X782, Cape Town 8000; ka go fekesa kwan go 0861 00 4367; kgotsa go romela emeile kwa enquiries@ gems.gov.za.
Fa o thapilwe ka konteraka ya nakwana, ya leruri kgotsa ka tiro e e rolang mo tirelobosetšhaba go botlhokwa go tlatsa dipampiri tse di maleba fa konteraka ya gago e ntšhwafadiwa le gore tsentswe mo thulaganyong ya rona ya rolo ya dituelo.
Fa se se sa direge, tuelo ya gago ya kgwedi e ka nna ya se duelwe mme GEMS ga e kitla e kgona go kokoanya dikabelo tsa gago tsa sekema sa kalafi. Se se ka feleletsa se dira gore dithuso di kgaolwe le kganetso ya ditopotuelo tsa ditshenyegelo tsa gago tsa kalafi.
Fa konteraka ya gago e ntšhwafadiwa, o tshwanetse go bona tshedimosetso go tswa kwa lefapheng la gago la HR gore rolo ya dituelo ya lefapha la gago e tsentswe tshedimosetso e e maleba gore go nna leloko ga gago kwa GEMS go tswelele kwa ntle ga kgaotso.
Nako ya dikgato tsotlhe tse e botlhokwa mme o tshwanetse go bua le modiredi wa GEMS fa o ka itemogela mathata.
GEMS e kokoanya dikabelo tsa sekema sa kalafi ka dikgogo tsa kgwedi le kgwedi mo mading a gago a kgwedi, e e diriwang ke rolo ya dituelo ke mothapi (mo mabakeng a le mantsi, Persal).
Fa dikabelo tsa gago tsa ngwaga le ngwaga di sa duelwa (ke gore di saletse kwa morago), GEMS e ka kokoanya madi a a saletseng kwa morago ka dikgogo mo mading a gagwe a kgwedi seeleteroniki. Le fa go ntse jalo, fa dikabelo tsa gago di sa duelwa mo dikgweding tse tharo, re ka se ke ra goga seeleteroniki gape, ka gonne thulaganyo ya rolo ya tuelo ga e letlelele seno.
Kopa lefapha la gago la HR go baakanya dikgogo tsa ka letsogo mo kgweding ya gago go duela madi a a saletseng kwa morago. O ka nna wa leletsa lefelo la kgolagano la GEMS mogala mo 0860 00 4367 mme o kope lekwalo la 0189, le o ka nnang wa le isa kwa lefapheng la gago la HR. Lekwalo la 0189 le tla tlhalosa se o tshwanetseng go se dira.
GAKOLOGELWA: fa dikabelo tsa gago di sa duelwa tsotlhe di ka feleletsa ka kgaotso ya dithuso tsa gago mme se se ka dira gore go ganwe ditopotuelo.
Motlamedi wa Tsamaiso ya Malwetsi, AID for AIDS, e fana ka tshedimosetsio ya mogala le kgakololo go go tshegetsa le go gakolola maloko otlhe a yona ka mogala le kgakololo go maloko otlhe a GEMS. Fa e le gore wena kgotsa mongwe wa balelapa la gago a tlhoka kgakololo kgotsa thuso nngwe le nngwe, ikgolaganye le AID for AIDS mo 0860 100 646. Bagokolodi ba rona ba ba katisitsweng ba teng go go thusa mme mogala wa gago e tla nna khupamarama.
Fa o belaela tiro ya bobodu, ikgolaganye le mogala wa GEMS, o o laolwang ke KMPG. O se ka wa tshoga go bega dilo tse di sa nnang sentle, ka gonne ke tirelo e e ikemetseng ya bosaitseweng. Megala e bulelwa diura tse 24 ka letsatsi, maltsi a le 7 ka beke. Dira se se siameng!
Leletsa 0800 21 2202 (kwa ntle ga tuelo).
O ka nna wa se bue gore ke wena mang. Tlamela dintlha tse di tletseng ko go modiredi wa mogalaka tiragalo. Dintlha tsa go nna jalo ke tse di akaretsang: eng, jang, kae, leng le boleng jwa madi a a dirisitsweng.
O tla fiwa nomore ya kaelo. E beye sentle gonne o ka e tlhoka mo nakong e e letelang.
Tirelo ya Ditsala tsa GEMS, e e go letlang gore o batle motlamedi yo o tlhwatlhwatlase wa tlhokomelo ya pholo mo lefelong le o nnang mo go lona ka SMS, e tokafaditswe! Fa go se na motlamedi mo karolong ya gago, tirelo e tla go batlela mo lefelo le le gaufi. Tsenya kopo mme o re letle re go batlele.
O ka batla jang motlamedi wa tlhokomelo ya pholo ka go dirisa Ditsala ya GEMS?
Romela SMS kwa 33489 mo sebopegong se se latelang: nomore ya gago ya go nna leloko, tlhaloso ya motlamedi wa tlhokomelo ya pholo, toropo.
O tla amogela karabo ka bonako, e e go fang dintlha tsa batlamedi ba tlhokomelo ya pholo mo lefelong la gago. Leletsa lefelo la kamano la GEMS mo 0860 00 4367 kgotsa o tele wepesaete fa o batla tshedimosetso go ya pele. SMS nngwe le nngwe e ja R1.50.
Sekema se dira ditiro tse di farologaneng nako le nako go tokafatsa boleng jwa sona mo bathong ba ba se dirisang. Ga jaana re tsamaisa porojeke ya phaeloto ka kgolagano ya dingaka tsa bomankge mo KwaZulu-Natal. E lebile go lemoga ditharabololo mo ditshenyegelong tse di kwa godimo tse di amanang le go ya kwa bookelong ka tuelo ya dingaka tse di neelang ditireli tse di amogelesegang tsa tleliniki.
Fa o ya go bona nngwe ya baitsenape ba ba tsayang karolo mo porojekeng e ya phaeloto, ba tla go fa tshedimosetso ka tseokarolo ya bona pele ga go go neela tlhokomelo kgotsa batho ba ba kwadisitsweng ka fa tlase ga gago.
Fa o amogelwa kwa bookelong jwa Medi-Clinic, netefatsa gore a sekema se na ke dithuso tse di lekaneng. Medi-Clinic e kaile gore ba ka nna ba kopa maloko a GEMS gore ba duele le bona.
<fn>07060416151005.txt</fn>
Thoto e e Mosola ya Bosetshaba, Effective State Owned Enterprises SOE e botlhokwa thata mo tsweletsong pele ya puso nngwe le nngwe e e tlhabologang. Matswakabele le bokgoni jwa ikonomi ya lefatshe ka bophara, dithata tsa mebaraka, le go tlhatlogela godimo ga mekgwa ya dipeeletso tsa lefatshe ka bophara, di na le kgwetlho mo mafatsheng otlhe ka di aba maano a maikaelelo a go tlhabolola ikonomi ya ona. Go ya ka maikaelelo ao, re sweeditse go dirisa maemo a puso e go nna beng ba lefatshe mo mafelong a a botlhokwa a ikonomi go netefatsa maano a maikaelelo a a tswelelang.
SOE e tshwanetse ya bo e le mo maemong a a siameng le a a tsepameng a ditshelete go kgontsha go dirisa metswedi ya mebaraka ya ditshelete ya bosetshaba le ya boditshabatshaba. Tota le fa puso e kgona go dirisa maemo a ditshelete a SOE mo kgatong ya yona ya tshimologo le mo maemong a a totobaditsweng, morago ga foo e tshwanetse go a tlaleletsa go tswa mo bokgoning jwa yona le mo mabarakeng ya ditshelete. Se se tlhoka boruni jo bo tiileng jwa dibuka tsa ditshelete le bokgoni jwa go nna bomphato le merero ya ditshelete ya ditheo tsa poraevete.
Bokgoni jwa go dira tiro ke tlhokego e nngwe e e botlhokwa ya SOE. Bokgoni jwa mofuta o jwa go dira tiro bo tlhoka dithata tsa botsamaisi, merero ya badiri le jwa thekenoloji tse di tsamaelanang le mokgwa o o gaisang wa tiro. Fa di akarediwa mmogo, SOE e ka nna le tshwaelo e kgolo mo ikonoming ka dipeeletso tsa yona, merero ya badiri le dipatlisiso le mananeo a tlhabololo.
Go ya ka fa Puso e eletsang go rotloetsa mosola wa diteemane mono Afrika Borwa, Alexkor ke yona setheo se se nang le bokgoni jwa go dira se. Fela legale, Alexor e na le maemo a boikarabelo a le mabedi a tlaleletso a e tshwanetseng go a diragatsa, a ka bobedi a leng botlhokwa mo mabakeng a a matswakabele a tlhabololo. Boikarabelo jwa ntlha ke jwa merero ya kgwebo e e tla akaretsang Baagi ba Richtersveld mo tlhabololong ya bona ka nosi. Jwa bobedi le jwa sesheng jo ka tota e leng jwa maikaelelo a tirisano mmogo jo bo tla dirang ditshiamelo tsa motheo wa go lepalepanya kgaolo ya diteemane tsa Namaqualand. Legale, go se ikanyege ga morero wa go labalabela le go busediwa lefatshe go beile Alexkor mo maemong a a masisi a merero ya dithelete le go dira tiro. Ga jaana nako e botlhokwa tlhokwa, go sa nneng jalo re ka se nne tshono epe kwa ntle ga go fetola ditiro dingwe le go phimola thoto e e seng botlhokwa go ya ka mabaka a kgwebo.
Infranco e tlhomilwe ka mabaka a go netefatsa gore re tlhabolola mokwatla o o tiileng wa mafaratlhatlha a ditlhaeletsano. Ga go sa tlhole go kgonagala go gaisana ka kitso ya boditshabatshaba mo mererong ya ikonomi kwa ntle ga ditshenyegelo tse di kwa tlase, le mokgwa o o ikanyegang le o o bonwang bonolo ka bophara. Go dikgwebo tse di ka tlhomiwang mo ikonoming ya rona fela ga di tlhomiwe gonne re na le ditshenyegelo tsa mokgwa o o sa kgoneng go di jara. Go gola ga ikonomi ya Afrika Borwa go tswelela go kganelwa ke mabakanyana a ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa mokgwa o o leng teng.
Go somaretswe R400-dimilione ka go phimola thoto e e seng ya botlhokwa. Go phimolwa ga thoto e e setseng e e seng ya botlhokwa ya Denel go tla konosediwa mo tsamaong ya ngwaga wa ditshelete wa 2007/08. Go tshwaraganngwa mo go tsweletseng ga Denel e sala e le lebaka la botlhokwa mme Lefapha la me, Denel le Lefapha la Tshireletso a dirisana mmogo ka botlalo mo morerong o. Go ya ka mabaka a go reka thoto ga Lefapha la Tshireletso, go tsentswe dikonteraka di le mmalwa le madirelo a selegae, gfo akarediwa le konteraka ya Dirori tsa Ntwa le Thoto ya Hoefyster (Hoefyster Infantry Fighting Vehicle) mmogo le tlhabololo ya dimisaele tsa go kolopela kgala tsa A-Darter. Gape go dikakanyo tsa go tlhabololwa sesha ga sedirisiwa sa Oryx. Go bolodiwa ga dikonteraka tse di laolwang ke A400M go tsweletse go tlhoma ditshono tsa madirelo a diphofo ka kakaretso.
Mo mererong ya isagwe, Denel e tla tsamaisa go tlhomiwa ga ditlhopha tsa go dira dilwana tse e tla nnang mototobatsi wa go fetisetsa thekenoloji ya go dira didirisiwa tsa maemo a a kwa godimo le kitso e e tseneletseng mo lekaleng la bodirelo jwa go dira diririsiwa.
Eskom e goeleditse lenaane la yona la dipeeletso tsa R150-dibilione mo dingwageng di le tlhano tse di tlang. E tlare mo kgweding ya Seetebosigo monongwaga, fa diteishene tse di fetotsweng di buseditswe gape go aba tirelo, Eskom e tla nna le bokgoni jwa go aba maatla a motlakase o o fetang 38 000 MW, se se tla dirang gore e kgone go lepalepana le ditlhokego tsa mariga, tse di lekanyediwang kwa godingwana fela ga 36 300 MW, le fa tota e tla salelwa ke sefalana se se kwa tlase. Lefapha la me le tla tswelela go ela-tlhoko lenaneo la tlhabololo mmogo le tshireletsego ya maemo a go aba tirelo e. Ga jaana re tshwere ditherisano tsa go simolola go phasalatsa pegelo ya manaane a didirisiwa tse di lekaneng, le Eskom, DME le NERSA.
Mo tsamaong ya nako e e tlang PBMR e tla be e goroga kwa setsheng sa go bolotsa Togamaano ya Setheo sa go Tlhotlha Leokwane (Pilot Fuel Plant) le go tsweletsa tumelelo ya go tlhoma Setheo sa go ntsha motswedi wa maatla kwa Kapa Bophirima.
Dikgatlhegelo tsa Boditshabatshaba di tsweletse go oketsega mme mono gae SASOL e supile fa e tshwere ditherisano le PBMR ka ga ditiragalo di le mmalwa tsa go gotetsa. Go dirilwe tswelelopele e e itumedisang ka go lepalepanya lenaane la togamaano la Eskom PWR mmogo le Generation 1V ya rona. Se se tla dira gore ditiro tsa botlhokwa tsa thekenoloji di dirwe mo tikologong tse di tla letlang gore Afrika Borwa e gaisane sentle le go nna momphato mo dinakong tsa sesheng tsa maatla a nutliya.
Makala a mantsha a tla tlhabololwa mo teng ga Eskom go dira ka maatla a nutliya, go tsholetsa bokgoni jwa boenjiniri le go lepalepanya bokgoni jwa dipatlisiso le DME, DST le NECSA. Setlhopha sa porojeke e se tla etelelwa pele ke Thulani Gcabashe e e tla dirisanang le Boto ya Eskom le DPE go tsweletsa tiro e e botlhokwa e.
Go tla lebelelwa thata mo go konosetseng ditlhokego tsa go aba matlole le go dirisa ka botlalo go fetola sesha maano a SAA, se se tla letlang SAA gore e ikanye boruni jwa go lekalekanya dibuka. Legale go tla tlhokagala mokgwa wa go tlhabolola sesha mekgwa ya boenjiniri, go ngoka bomphato le go phimola ditiro tse e seng tsa botlhokwa. Ditherisano tse di tseneletseng le mekgatlho ya badiri di tsweletse pele.
Monongwaga lefapha le tla ntsha setheo sa South African Express (SAX) mo dibukeng tsa Transnet mme la se fetolela go nna setheo se se ikemetseng ka nosi. Fa mo letlhakoreng je lengwe SAA le tirelo ya yona ya diphofo tse di tlhwatlhwa tlase ya Mango di tla totobala ka botlalo mo ditseleng tsa diphofo tsa kgwebo, SAX ke yona e e tla abang dikgolagano tsa ditsela tsa kwa moweng tse di se nang kgwebo e ntsi.
Le fa tota setlamo se na le dishere tse di bonalang tsa diphesente di le 30% mo go ntsheng dikuno, ga jaana se tla rwala boikarabelo jwa diphesente di ka nna 2.5% mo tshwaelong ya merero ya seikonomi mo lekaleng le, le go thapa badiri ba le diphesente di le 3.5%. Ka go rialo Kabinete e dumallane gore karolwana e e setseng ya Safcol, Jalo ya Dikgwa ya Komatiland, di phimolwe gotlhelele.
Mo tsamaong ya ngwaga wa ditshelete wa 20006/07 Boto ya Bakaedi e dumelletse le go fetisa leano la dipeeletso la dingwaga di le tlhano tsa R64,5-dibilione. Leano le le simolotsweng le la dingwaga di le tlhano le sekasekilwe sesha go tsamaelana le ngwaga wa ditshelete wa 2007/08 mme ga jaana le tlhomilwe go R78-dibilione. Dipeeletso tse di ikaeletsweng go tsweletsa pele le go atolosa ditiro ka go tlhatlosa bokgoni mo ditiragalong tsa rona tsa maanya a tshipi le malatlha, go tokafatsa mafaratlhatlha a maemelakepe le boemela dirori tse dingwe mme ka go rialo go tokafatse peipi e e tswang kwa Durban go ya Johannesburg.
Ka go dirisana le boto re mo kgatong ya go rulaganya mafaratlhatlha a semphato mo ditirong tsa go tlhoma bodutelo jo bontsha jo ga jaana bo tlhabololwang kwa boemelong jwa Nggura mme re tla itsise dintlha ka botlalo ka ga se mo isagweng e e gaufi.
Koketsego e e tlhatlogang ka bonako ya ditlhokwa tsa thoto ya kgwebisano e tlhodile tlhaelo ya dikuno. Ka lenaane la kgaisano ya go ntsha le go aba dikuno la (CSDP), re ikaeletse go rotloetsa tlhabololo ya lekala la madirelo mo Afrika Borwa.
Re tlhoka go sireletsa mokgwa wa go aba didirisiwa tsa rona tota le mokgwa o o gaisang wa go dira se ka go tlhabolola bokgoni jwa mono gae. Legale, go ntsha dikuno ga mofuta o mono gae go tshwanetse go nna mo maemong a go gaisana ka botlalo mo mebarakeng ya boditshabatshaba go tsamaelana le go ngotla ditshenyegelo le go tsholetsa boleng jwa maemo a dikuno. Maiteko a a tshwaraganetsweng magareng ga JPF, Lefapha la Thuto, Lefapha la Badiri le di-SETA tse di tsamaelanang nao mmogo le SOE ya rona a boloditswe go itsise dikhoso, dikholeji le barutegi ba dipurapure ba ba tla kgonang go konosetsa katiso ya bona ya mo tirong kwa di-SOE tsa rona pele ba ka kwadisiwa diteko tse di tshwanetseng tsa kgwebo.
Ga jaana go sekasekwa peipi e e tla tsamaisang kalaka ya selari go tswa kwa Phalaborwa.
Porojeke ya Afrika e tla supa ditshono tsa botlhokwa mo kontinenteng mo SOE mo Afrika Borwa e tla thusang tiro ya tlhabololo.
<fn>11701VMP2008.txt</fn>
Go ne go romelwa batho ba ba tsamayang sekgala se seleele, mme ba robala fa ba phirimelelwang teng.
Motho ga a kgone go o dirisa gongwe le gongwe ka ntlha ya dithapo tsa ona tse di golagantsweng mo leboteng.
Motho o kgona go amogela molaetsa gongwe le gongwe fa a leng teng.
Gonne dibanka ke mafelo a a dirang ka madi a mantsintsi. Go dirisa mogala mo bankeng go ka tlisa dipelaelo tsa maano a ditiro tsa bosenyi.
Ee, O ka romela kgotsa go amogela molaetsa wa inthanete. / O ka gokelelwa mo thelebisening mme wa tlhagisa ditshwantsho / O ka o dirisiwa jaaka thelebišene go bogela manaane a motho a a ratang.
Go batla go bonala ba le maatla ipusolosetso.
(b) Batho ba ba bolayang malapa a bona ba bo ba ipolaya Bommatsale ba ba sotlang betsi ba bona / Batho ba ba sotlang bomme, basetsana le masea.
Ee, gonne borre le basimane le bona ba a gobelelwa / sotlwa.
Motho mongwe le mongwe a nne le tshwetso le ponelopele ya go dira dilo ka botswerere. Nna le thulaganyo ya letsatsi lengwe le lengwe. Thala lenaneo la maikaelelo a gago. Baakanya didiriswa tsa gago. Netefatsa gore o na le didiriswa tse di tshwanetseng. Dira go le gontsi ka go le gonnye le ka se se tlhokegang. Tota maikarabelo a gago le fa go na le mathata. Lekola kungo ya gago. Ipotse gore a o dira ka natla. Supa botlhami le go akanya mekgwa e e botoka ya go dira dilo. Dirisa botlhale jwa gago go na le go dirisa maatla thata. Nna sekao mo go badirammogo. Somarela didiriswa le nako. Nna karolo e e botlhokwa ya katlego ya naga ya lona.
Kaedi ya go tshwaya.
Modise o tsere dibuka di le pedi mo go tse tlhano tseo.
Kedisaletse o apara sentle fa a ya kobamelong.
Ke mmoleletse gore a se goroge thari ka moso.
Mosadimogolo o rata go fodisa dijo pele a jesa ngwana.
Ngwana yo o tlhogokgolo o sira rraagwe.
o gopole motlhang malata a ile.
Gore e ngoke/ go tlhagisa molaetsa o o botlhokwa mo go mmuisi mme a tle a tsiboge.
Botlhokwa jwa puso ya bosetšhaba.
Ee, puso ya porofense le puso ya selegae di ka fa tlase ga puso ya bosetšhaba mme setshwantsho se kaya jalo.
Bogolo jwa ditlhaka/go ntshofadiwa ga ditlhaka/bogolo jwa ditshwantsho tsa batho/letshwao la kgakgamalo kgotsa letshwaotsiboso tsa puso ya bosetšhaba di feta tsa puso ya porofense le tsa puso ya selegae.
<fn>11711VMF2005.txt</fn>
Kgotla o rata Mmina lefa maikutlo a gaMmina mo go Kgotla a ise aitshupe sentle..
Ke a a nang le lerato ka fa gare / a lerato / baratani..
"Le ditsala fela di a tle di itise monate mmogo".
Molelo / molelo wa mariga / le magala a motswere / a ntse fa isong.
Magala a a mo isong, a motswere.
Ee, go kaiwa molelo wa lerato.
Go ferekana maikutlo / go tlhakatlhakana maikutlo.
Go hutsafala /Go se itumele/ Go se je monate.
Go repa / go iketla.
Diile o ne a boela thuto ya baka lwa borataro ka nako e Mosela o ntseng kwa sekolong se segolo. Batsadi ba lekile go mo pateletsa thuto, gonne a le motlapa ba palelwa. Diile o ne a tsalana le basetsana ba ba itaolong, mme ba mo tsenya mowa wa boitaodi. Tsatsi lengwe o nea ngwega le ditsala go ya moletlong, mme a goroga bosigo. Kgosidintsi o ne a mo itaya, a batla a mmolaya. Morago ga malatsi o ne a ikwatlhaya e bile a akanya go inaya naga. Pele a dira jalo o ne a lwala a tshwarwa ke pelo. Mosela le batsadi bane ba tshwenyega bogolo fa bolwetse bo etegela. Pele Mosela a tsamaya, ngaka ya bua fa e se pelo fela e kopane le mafatlha.
Ba nna mmogo jaaka marago / ja ka rre.
Marago a ga Dipuo a kwa tlase?
Dinonyane di ja mabele mo tshimong.
Ngwana wa dikgwedidi le robedi, o ne a utswiwa ke tsala ya ga Boitumelo. Mosetsana yo, o rata go nwa bojalwa l e tsatsi lengwe le lengwe.O ne a tshwarwa mme a isiwa kwa kgolegelong dingwaga di le tlhano.
Sekolo sa ronasesegolo se tsena ka ura ya borobedi / sekolo se segolo sa rona se tsena ka ura ya borobedi / se segolo sa rona sekolo, se tsena ka ura ya borobedi.
Bolwetse jwa lebolelamading bo fetsa setšhaba sa Aferika.
Baratani ba ne ba iketlile kwa motsheo wamotse ka fa molapong / baratani ba ne ba iketlile ka fa molapong kwa motsheo wa motse.
Tota Tebogo ke mosimane wa Segatlhamelamasisi / Tebogo ke mosimane wa segatlhamelamasisi tota.
<fn>11711VMS2006.txt</fn>
Ka ntlha ya mangole a gagwe amaleele a a neng a mo eteletse pele.
Gonne e le sekolo sa nnete / mmatota. / Thuto e tswa Natala.
Ga a dumele gore thuto e ka tswa ntlheng e nngwe fa bongaka le bona bo ka tswa ntlheng ele. Di tsamaya mmogo.
Gonne a na le tumelo ya gore batsadi bakwa Mangaungba romelabana ba bona Natala / Barutegi ba bantsi ba tswa kwa Natala.
Motsoko / Go goga lonaka lwa Motsoko.
Gonne a sa batle go mo tseela tshweetso ka Modise ka e le ngwana wa gagwe, maikaelelo e ne e le go mo kaela fela.
Go gana / go ganana le ntlha nngwe.
Go se fetole maikutlo / go tia.
Gantsi motho o lemoswa ke yo mongwe diphoso/ motho o fatlhosa ke yo mongwe.
Dilo di le pedi di farologanefela di tswafelo go le gongwe.
Segwete mmaagwe Motsu onea laya morwae gore mafoko a a tlileng go a mmolelela e nne sephiri. O ne a mmolelela fa monna yo o mo tsetseng e le motho yo mogolo. O ne a re mmaagwe monna yo, ke rangwane a kgosi. Monna yo o bidiwa Goitsemang. Motsu o ne a re o ntse a gakgamadiwakegore ke eng monna yo a mo rata. O ne abolelela mmaagwefa monna yo a kile ammotsa goreke ngwana wagamang. Fa a sena go mmolelela o netsatsi lengwe a mo tlela kobo le diaparo. O ne a lopa mmaagwe gore le ena a tshole sephiri se. Fa batlhanka ba mmotsa gore ke ngwana wa ga mang, o ne a re ke ngwana wa Mosarwa mongwe wa ga Gabotlwaelwe.
Kgosi ya fapaana le ene.
Namanyane ya batho e nweetse mo tamong.
Namanyane ya me e tsetse maabane.
Esi - Go falotse nku esi mo leganong la tau.
Tsotlhe - Dijalo tsotlhe di jelwe ke thaga.
Mosimane mongwe o bolailwe setlhogo.
Yo mokhutshwane monna o gorogile.
Monna yo mokhutshwane o a disa.
Afe Ke magodu afe a a tswaletsweng?
Mang Ke mang yo o utswitseng madi a ga Pule?
Rre o thiba pitsa e e dutlang.
Borokgwe jwa mosimane bo na le phatlha.
Go se bue sentle le motho / go mo kgesa.
Go leba motho ka mokgwa o o sa nnang sentle.
Setlhaketlhake sa Madagaskara se tlhasetswe ke pula ya dikgogola, Jaaka baagisane le rona mo Aforika Borwa gorometswe difofane di le nne tsa sesole goredi ye go thusa batho babamo mathateng. Setswana sa re: matlo go ša mabapi.
Monnamogolo yo moleele o ragile thokolo.
Dintswa di mo lomile botlhoko jang.
Ngwana yo o sa leleleng o swela tharing.
<fn>2000-04-tswana.txt</fn>
MOLAO Go diragatsa karolo ya 9 e e balwang le ntlha ya 23 ya Mametlelelo ya 6 ya Molaotheo wa Aforika Borwa wa 1996, gore go tle go thibelwe go be go ilediwe kgethololo e e sa siamang le tlhoriso; go tsweletsa tekano le go tlosa kgethololo e e sa siamang; go thibela puo ya kilo; le go baya melawana e e amanag le dilo tse.
E re le mororo kgatelopele e kgolo e nnile teng mo kagongsešwa le mo go fetoleng setšhaba sa rona le ditheo, tlhokatekano e e tsamayang ka thulaganyo le kgethololo e e seng tshiamo di tswelela go nna di ikepetse mo dipopegong tsa loago le ditlwaelo le boitshwaro, mme di nyatsa maikaelelo a temokerasi ya molaotheo wa rona.
Aforika Borwa o na le patelesego ya boditšhabatšhaba ka fa tlase ga ditumalano tse di tlamang le molao wa tlwaelo wa boditšhabatšhaba mo karolong ya ditshwanelo tsa setho tse di tsweletsang tekano e bile di itsa kgethololo e e seng tshiamo.
Karolo ya 16 e emiseditswe ka karolo ya 1 ya Molao wa 52 wa 2002.
Tiro ya Puso ya go tsweletsa tekano 26 Maikarabelo a batho ba ba direlang mo ditheong tsa setšhaba go tsweletsa tekano 27 Tlamego ya loago ya batho botlhe go tsweletsa tekano 28 Dikgato tse di faphegileng tsa go tsweletsa tekano tebang le letso, bong le bogole 29 Lenane la dikao tsa ditlwaelo tse di sa siamang mo mefameng e e rileng.
KGAOLO YA 6 DITAOLO TSA KAKARETSO TSA TIRAGATSO YA MOLAO Melawana 31 Tiragatso ya Molao Karolo ya 31 e emiseditswe ka karolo ya 3 ya Molao 52 wa 2002.
bong-gare' go tewa pharolganyo ya bong e motho a tsetsweng ka yona, e e sa tlwaelesegang ka seemo sefe; Tlhaloso ya 'bong-gare' e tsentswe ke karolo ya 16 (a) ya Molao 22 of 2005.
molawana' go tewa molawana go ya ka fa Molao ono o buang ka teng; 'moikarabedi' go tewa motho ope yo go nang le theetso ya kgetsi kgatlhanong leena go ya ka mabaka ak Mola o; 'mofama' go tewa mofama ope o o umakilweng mo karolong ya 29, mme go akarediwa mefama e e totobaditsweng mo Mametlelelong; 'pharologanyo ya bong' e akaretsa bong-gare; Tlhaloso ya 'bong' e tsentswe ke karolo ya 16 (b) ya Molao 22 wa 2005.
Molao o' go akarediwa molawana ope o o dirilweng go ya ka Molao ono. Letlha la tshimololo ya Karolo ya 1: 1 Lwetse 2000.
go bebofatsa kobamelo molao ya tlaleletso ya maikarabelo a melao ya boditšhabatšhaba, tebang le gareng gat se dingwe, Tumalano ka ga Tloso ya Mefuta Yotlhe ya Kgethololo ya Lotso le Tumalano ka ga Tloso ya Kgethololo ya Basadi.
Letlha la tshimololo ya karolo ya 2: 1 Lwetse 2000.
Matseno, maikaelelo le ditheo tse di kaelang tsa Molao o, ka go dira jalo ba diragatsa mowa, mareo le maikaelelo a Molao o.
molao wa boditšhabatšhaba, segolo bogolo ditumalano tsa boditšhabatšhaba tse di umakilweng mo karolong ya 2 le mo molaong wa boditšhabatšhaba o o tlwaelesegile c molao wa dinaga di sele o o ka tshwantshanngwang nao.
Motho ope yo o dirisang kgotsa yo o ranolang Molao ono o tshwanetse go tsaya tsia bokao jwa kganetsano le maikaelelo a Molao o. Letlha la tshimololo ya Karolo ya 3: 1 Lwetse 2000.
tlhabololo ya dikgono tse di faphegileng le bokgoni ba batho ba ba dirisang Molao o, go netefatsa gore o diragadiwa le go tsamaisiwa ka tsela e e nonofileng.
go nna teng ga kgethololo e e rulagantsweng le botlhokatekano, segolo bogolo tebang le letso, bong, le bogole mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo ka ntlha ya kgethololo e e seng tshiamo ya nako e e fetileng le ya jaanong, e e tlisitsewng ke puso ya sekolone, tsamaiso ya tlhaolele, le go rena ga banna; le tlhokego ya go tsaya dikgato tsotlhe mo maemong otlhe go tlosa kgethololo le tlhokatekano. Letlha la tshimololo ya Karolwana ya : 1 Lwetse 2000.
Molao ono o tlama Puso le batho botlhe.
Fa go ka nna le kganetsano epe e e tebang le kgang e e mo Molaong o le ditaolo tsa molao ope o sele, ntle go Molaotheo kgotsa Molao wa Palamente o o baakanyang Molao ono, ditaolo tsa Molao ono di tshwanetse go rena.
Molao wa 55 wa 1998. Letlha la tshimololo ya karolo ya 5: 1 Lwetse 2000.
A Puso le fa e le motho ope o sele e se ka ya kgetholola motho ope ka tsela e e seng tshiamo Letlha la tshimololo ya Karolo ya 6: 1 Lwetse 2000.
go itsa phitlhelelo ya ditšhono, go akarediwa phitlhelelo ya ditirelo kgotsa ditšhono tsa go gapa dikonteraka tsa go fa ditirelo gore di sekasekwe, kgotsa go retelelwa ke go tsaya dikgato go akaretsa ka tsela e e utlwalang ditlhokego tsa batho ba go nna jalo.
botlhokatekano jo bo tsweletseng pele ja go kgona go fitlhelela ditšhono ga basadi ka ntlha ya kgaoganyo ya tiro ka bong.
go retelelwa go tlosa dikganedi tse di thibelang ka tsela e e seng tshiamo batho ba ba nang le bogole go akola ditšhono tse di lekanang kgotsa go retelelwa go tsaya dikgato tsa go akaretsa ditlhoko tsa batho ba go nna jalo ka tsela e e utlwalang.
tsweletsa kgotsa go anamisa kilo.
Kgotla - ntle le tshokamelo kwa ditharabololong tsa mofuta wa bosetšhaba tse di mo Molaong o - e ka nna ya romela kgetsi epe e e amanang le phasalatso, puelelo, kgasakgaso kgotsa tlhaeletsano ya puo ya kilo, go ya ka karolo 21 (n) le fa go lebaneng teng, kwa go Mokaedi wa Botšhotšhisi ba Bosetšhaba yo o nangle taolo ya go reeetsa dikgetsi tsa tlolomolao go ya ka mabaka a molao wa tlwaeo (common law) kgotsa peomolao e e maleba.
A go se nne le motho ope yo o tla tlhorontshiwang.
b phasalatsang kgotsa bayang mo pepeneneng papatso kgotsa kitsiso, e e ka tsewang gore kgotsa e e ka tlhaloganngwang gore e supa maikaelelo a a phepa a go kgetholola motho wa go nna jalo ka tsela e e seng tshiamo: Fa fela e le gore tiro ya mmannete ya tlhamo ya botshweretshi, patlisiso ya botlhalefi le boitseanape, pego e e tshiamo e bile e nepagetse ka ntlha ya kgatlhego ya setšhaba kgotsa phasalatso ya tshedimosetso epe, papatso kgotsa kitsiso go ya ka karolo ya 16 ya Molaotheo, ga e tlogelwa kwa ntle ke karolo e.
moikarabedi o tshwanetse go fa bosupi, mo dintlheng tse di fa pele ga kgotla gore kgethololo ga e a nna teng jaaka go builwe; kgotsa moikarabedi o tshwanetse go fa bosupi ba gore maitsholo ga a ikaega ka nngwe kgotsa mangwe a mabaka a ilediwang.
fa lebaka le le nngwe kgotsa a a fetang bongwe a a mo temeng ya (b) a tlhaloso ya 'mabaka a a ilediwang' le ka tlhomamisiwa; le ii fa e se moikarabedi a ka supa gore kgethololo e siame.
Ga se kgethololo e e tlhokang tshiamo go tsaya dikgato tse di ikaeletseng go sireletsa kgotsa go tsweletsa batho kgotsa ditlhopha tsa batho ba ba thapotsweng ke kgethololo e e seng tshiamo kgotsa ditokololo tsa ditlhopha tsa go nna jalo.
gore a kgethololo e farologanya batho ka tsela e e utlwalang e bile e siame go ya ka kemo e e ka itsiweng e e botlhokwa mo tirong e e go buiwang ka yona.
itebaganya le thapolo e e tlhagogang mo mabakeng a a ilediwang kgotsa e e amanang le nngwe kgotsa mangwe a mabaka a a ilediwang; kgotsa ii akaretsa bomefutafuta.
v busetse morago kgotsa a fetole kitsiso epe ka fa tlase ga tema e: Fa fela e le gore dikgetsi dipe tse di saletseng kwa morago kwa kgotleng ya tekano, tse e leng gore ga di a wediwa ka nako ya phasalatso ya kitsiso mo Kaseteng jaaka go ikaeletswe mo temeng e, di tshwanetse go wediwa ke kgotla eo, jaaka e kete kitsiso eo ga e a phasaladiwa; le.
Tema ya (c) e emiseditswe ka karolo ya 28 ya Molao 55 of 2003.
d tlhogo ya kgaolo ya tsamiso yo o umakilweng mo temeng c o tshwanetse gore, a setse morago karolwana ya 2, a tlhome ka mokwalo magiseterata ope kgotsa bomagiseterata ba tlaleletseo go nna batlhankedi ba ba tshwereng marapo ba kgotla ya tekano.
a pele ga letlha la tshimololo ya karolo ya 31; kgotsa jaaka go ikaeletswe mo karolong ya 31 , le gona yo leina la gagwe le akareditsweng mo lenaneng le le ikaeletsweng mo karolwaneng ya (a), a ka tlhongwang go nna jalo go setswe morago mabaka a karolwana ya.
tsaya dikgato tsotlhe tse di utlwalang go dirisiwa metswedi e e leng teng go tlhoma motlhankedi yo o tshwereng marapo a le mongwe mo kgotleng ya tekan o nngwe le nngwe e e mo kgaolong ya gagwe ya taolo; le gore kwa ntle ga tiego a itsise Mokaedi-Kakaretso wa Lefapha ka ga moatlhodi ope, magaseterata kgotsa magaseterata wa tlaleletso yo o weditseng khoso ya katiso jaaka go ikaeletswe mo karolong ya 31 le kgotsa yo o kileng a tlhongwa go ya ka mabaka a karolwana ya.
Mokaedi-Kakaretso wa Lefapha o tshwanetse go kwala le go tshola lenane la moatlhodi, magiseterata mmogo le magiseterata wa tlaleletso mongwe le mongwe o o weditseng khoso ya katiso jaaka go ikaeletswe mo karolong ya 31 le ; kgotsa tlhomilweng go nna motlhankedi yo o tshwereng marapo a kgotla ya tekano go setswe morago mabaka a karolwana ya.
Motlhankedi yo o tshwereng marapo o tshwanetse go dira ditiro le go diragatsa dithata tse a romilweng go didiragatsa kgotsa tse a di roletsweng ka fa tlase ga Molao ono kgotsa molao ope o sele..
S. 16 e emiseditswe ka Karolo ya 1 ya Molao 52 wa 2002.
Mokaedi-Kakaretso wa Lefapha a setse morago karolwana ya le go obamela melao e e busang bodirela puso, a ka nna a tlhoma kgotsa a baya mongwe kgotsa bangwe ba batlhankedi ba Lefapha mo kgotleng nngwe le nngwe ya tekano, kgotsa a ka baya motho a le mongwe kgotsa ba ba fetang bongwe ka mokgwa o o beilweng le gone ka mabaka a a beilweng, go nna ditlelereke tsa kgotla ya tekano, ba ba tshwanetseng ka kakaretso go thusa kgotla e ba beilwng mo go yona go diragatsa ditiro tsa yona jaaka go ka bo go beilwe.
Tema ya (a) e emiseditswe ka Karolo ya 2 (a) ya Molao 52 wa 2002.
Fa tlelereke ya kgotla ya tekano e sa kgone go dira jaaka tlelereke ka ntlha ya lebaka lepe kgotsa fa go se na tlelereke epe e e beilweng kgotsa e e tlhometsweng kgotla ya tekano, ka fa tlase ga tema (a), motlhankedi yo o tshwereng marapo a ka nna a tlhoma motlhankedi ope yo o nang le bokgoni, le mororo go na le karolwana ya , fa fela tlelereke eo e sa kgone go dira kgotsa go fitlha tlelereke e bewa kgotsa e tlhomiwa ka fa tlase ga tema ya (a), go ya ka fa seemo se tla nnang ka teng.
Tema ya (b) e emiseditswe ka karolo ya 2 (a) ya Molao 52 wa 2002.
a pele ga letlha la tshimololo ya karolo ya 31; kgotsa jaaka go ikaeletswe mo karolong ya 31 , Le gona yo leina la gagwe le akareditsweng mo lenaneng le le umakilweng mo karolwaneng ya , a ka nnang a bewa kgotsa a tlhongwa go nna jalo go setswe morago mabaka a karolwana ya (a).
Karolwana ya e okeditswe ka karolwana ya 2 (b) ya Molao 52 wa 2002.
Mokaedi-Kakaretso wa Lefapha o tshwanetse go kwala lenane la motlhankedi mongwe le mongwe yo o weditseng khoso ya katiso jaaka go ikaeletswe mo karolong 31 ; kgotsa tlhomilweng kgotsa beilweng go nnatlelereke ya kgotla ya tekano go ya ka karolwana ya a. Karolwana ya 3 e okeditswe ka karolwana ya 2 b ya Molao 52 wa 2002.
Mokaedi-Kakaretso a setse morago mabaka a a ka a bayang, a ka nna a dirisa mokwalo go rolela dithata dipe tse a di filweng ke karolo eno go motlhankedi yo o thapilweng ke Lefapha, mme ga a ne a latlhegelwa ke dithata dipe tse di roletsweng ka tsela e, le gone a ka nna a baakanya kgotsa a seegela fa thoko tshwetso epe e morolelwa dithata a e dirileng fa a ne a dirisa dithata tsa go nna jalo.
Karolwana ya e okeditswe ka karolwana ya 29 ya Molao 55 wa 2003.
Go nna teng ga basupi kwa kgotleng le tuelo ya basupi mo dikgetsing tse di tlhagogang mo tiragatsong ya Molao o di tshwanetse go bewa ke Tona ka mokgwa o o beilweng.
kgaolo ya taolo, go setswe morago karolwana ya , le gone fa go se na taolo e pe e e ntshitsweng, mo melawaneng e e ka fa tlase ga karolo ya 30 ya Molao o.
Theetso ya dikgetsi tsotlhe tse di fa pele ga kgotla e tshwanetse go dirwa mo kgotleng e e seng sephiri, kwa ntle fela fa kgotla e ka laola ka go sele ka ntlha ya kgatlhegelo tsamaiso ya bosiamisi.
a go latelwa tema ya b, ga go sepe mo Molaong o se se thibelang kgotla ya magiseterata e e tshwereng jaaka kgotla ya tekano go ntsha taolo e e ikaeletsweng mo karolong ya 21 2, e e fetang kgaolo ya taolo ya madi ya kgotla ya magiseterata, mo tiragalong eo taolo e tshwanetseng go newa ka mokgwa o o beilweng go moatlhodi wa Kgotlakgolo e e nang le taolo gore e tlhomamisiwe.
Tiriso ya tema (a), tebang le tlhomamiso ya taolo, e emisitswe go fitlha boikelo bope jo bo ikaeletsweng mo karolong ya 23 bowediwa.
Khomišene ya Ditshwanelo tsa Setho ya Aforika Borwa, kgotsa Khomišene ya Tekano ya Bong.
motho yo o eletsang go pega kgetsi e e tshwanetseng go reediwa o tshwanetse, go ya ka mabaka a molao o le gone ka mokgwa o o beilweng, go itsise tlelereke ya kgotla ya tekano ka maikaelelo a go dira jalo.
a Tlelereke ya kgotla ya tekano e tshwanetse gore mo nakong e e beilweng ya go amogela kitsiso eo, e fetisetse kgang e kwa motlhankeding o o tshwereng marapo wa kgotla ya tekano eo, o a tshwanetseng gore mo nakong e e beilweng, a swetse gore a kgang e tla reediwa mo kgotleng ya tekano kgotsa gore e tla fetisediwa kwa setheong, lekgotleng, kgotleng, lekgotlakatlholong, kgotsa lekgotleng lefe le le maleba (le fano morago le bidiwang go twe kgotla e sele) le mo kakanyong ya motlhankedi yo o tshwereng marapo le ka itebaganyang ka maleba botoka le kgang tebang le dithata tsa le ditiro tsa kgotla e sele eo.
Fa motlhankedi yo o tshwereng marapo a swetsa gore kgang e tla reediwa kwa kgotleng ya tekano, motlhankedi yo o tshwereng marapo o tshwanetse go e rolela kwa tlelerekeng ya kgotla ya tekano yo mo nakong e e beilweng a tshwanetseng go baya letlha la theetso ya kgang eo.
megopolo ya mothati yo o lebaneng kwa kgotleng e sele e e ikaeletsweng.
a Fa motlhankedi yo o tshwereng amarapo a swetsa gore kgetsi e tshwanetse go fetisediwa kwa kgotleng e sele, o tshwanetse go a dire taolo ka mokgwa o o beilweng, a laole tlelereke ya kgotla ya taolo go hudusetsa kgetsi kgwa kgotleng e sele e e umakilweng mo taolong.
Fa go ntshiwa taolo e e akantsweng mo temeng ya (a), motlhankedi yo o tshwereng marapo a ka mametlelela mo taolong eo dikakgelo dipe tse a tsayang gore di botlhokwa gore di elwe tlhoko ke kgotla e sele.
Fa tlelereke ya kgotla ya tekano e amogela taolo e eumakilweng mo karolwaneng ya , e tshwanetse go hudusetsa kgang eo le go itsise makoko a a amegang mo kganngeng eo ka khuduso eo ka mokgwa o o beilweng.
Fa kgotla e sele e sena go amogela kgetsi/kgang e e huduseditsweng kwa go yona, e tshwanetse go itebaganya le kgang eo ka bonakonako e dirisa mabaka a dithata le ditiro tsa yona.
e retelelwa ke go itebaganya le kgang ka nako e e utlwalang, mo mabakeng; kgotsa e sa kgone go rarabolola kgang ka tsela e e kgotsofatsang letlhakore lengwe kgotsa matlhakore oo mabedi mme letlhakore kgotsa matlhakore oo mabedi a kopa jalo, kgotla e sele e tshwanetse gore ka mokgwa o o beilweng e busetse kgang e kwa kgotleng ya tekano e kgang e e neng e hudusiwa go tswa kwa go yona, gore go tle go tsereganngwe, mo nakong e e beilweng go tswa mo letlheng le e buseitsweng kwa kgotleng ya tekano ka lona.
Puso le ditheo tsa molaotheo di tshwanetse go re fa go kgonegang teng, di thuse motho ope yo o eletsang go pega kgetsi e tshwanetseng go reeediwa go ya ka le ka fa tlase ga mabaka a Molao o, gare ga tse dingwe, ka go netefatsa gore motho yoo o kaelwa kwa mothating yo o maleba gore go tle go tsewe dikgato tse di tlhokafalang mo tharabololong ya kgang e go itebagantsweng nayo.
Kgotla ya tekano e e reeditseng tsheko ya kgetsi ka fa tlase ga Molao o, e tshwanetse go tshwara dipatlisiso ka mokgwa o o beilweng le go atlhola gore a kgethololo e e seng tshiamo, puo ya kilo kgotsa tlhoriso di nnile teng jaaka go builwe.
taolo ya go obamela taolo epe ya Molao.
Taolo e e ntshitsweng ke kgotla ya tekano ka mabaka kgotsa ka fa tlase ga Molao o e na le pheto e e tshwanang le ya taolo ya kgotla eo, fa e ntsheditswe phapang gare ga baagi, fa go lebaneng.
theetso ya dikgetsi dipe tse di fa pele ga yona kwa setheong sa molaotheo se se lebaneng kgotsa lekgotla le le lebaneng, gore le tsereganye, le fetse phapang kgotsa le rerisane.
Kgotla e na le dithata tsa tlaleletso tse di tlhokafalang kgotsa tse di seng botlhokwtlhokwa mo tiragatsong ya ditiro tsa yona le mo tirisong ya dithata tsa yona, go akarediwa dithata tsa go fa taolo ya nakwana kgotsa thibelo.
Baatlhodisi kwa theetsong ya dikgetsi epe go ya ka le gone ka fa tlase ga Molao o, kgotla e ka nna ya kopa nngwe ya ditlhopha, kgotsa ka boyona, fa motlhankedi yo o tshwereng marapo a go tsaya gore go tla bo go siametse dikgatlhego tsa bosiamisi, ya bitsa gore e thusiwe ke motho a le mongwe kgotsa ba babedi ba ba ka itetlang go go dira jaaka baatlhodisi.
Baatlhodisi ba ba beilweng go ya ka mabaka a karolwana ba - go setswe morago karolwana ya - tsewa gore ke ditokololo tsa kgotla ka maikaelelo a Molao o.
Ntlha epe ya molao e e tlhagogang gore go tsewe tshwetso ka yona kwa theetsong, le potso epe e e batlang tshwetso ya gore a ntlha e e batlang tshwetso a ke ntlha ya mmatota kgotsa ke ntlha ya molao, e tshwanetse go tseelwa tshwetso ke motlhankedi yo o tshwereng marapo ka mokgwa o o beilweng.
Mo dintlheng tsa mmatota, se se bonweng kgotsa tshwetso ya bontsi ba ditokololo tsa kgotla tla nna se se bonweng le tshwetso ya kgotla, le gone ka motsi wa fa go le moatlhodisi a le mongwe, se se bonweng ke kgotla kgotsa tshwetso ya kgotla e tla rena.
kaela gore ditheetso tsa dikgetsi di simolole sešwa; kgotsa iii busetsa ditheetso tsa dikgetsi kwa morago fa moatlhosi a seyo gore moatlhodisi a nne teng.
Motlhankedi yo o tshwereng marapo o tshwanetse go fa mabaka a kaelo epe e e umakilweng mo temaneng ya i kgotsa ya ii.
fa lekoko leo kwa theetsong ya kgetsi le sa thusiwe ke moemedi wa semolao, le ii fa motlhankedi yo o tshwereng marapo a akanya gore baatlhodisi ba go nna jalo ba dirile phitlhelelo e ka bophepa se seng yona.
Tlelereke ya kgotla ya tekano e tshwanetse gore ka bonako jo bo ka kgonegang e fe mabaka ao le rekoto kwa kgotleng ya boikuelo eo gore go thadisiwe ka mokgwa o o beilweng.
Kgotla ya boikuelo e na le nonofo ya go tlhomamisa diphitlhelelo tsa go nna jalo kgotsa go ntsha taolo e e lebaneng tebang le diphitlhelelo tseo, tse mo kakanyong ya kgotla ya boikuelo din eng di tshwanetse go ntshiwa mo making ao.
Motho ope yo o ngongoregisiwang ke taolo ya kgotla ya tekano kamabaka a a ka fa tlase ga Molao o, a ka nna mo nakong le ka mokgwa o o tla bewang, a ikuela kgatlhanong le taolo ya go nna jalo kwa Kgotlakgolong e enang le taolo kgotsa kwa Kgotlakgolong ya Boikuelo, go ya ka fa mabaka a ntseng ka teng.
Fa go ikuelwa, Kgotlakgolo gotsa Kgotlakgolo ya Boikuelo, go ya ka fa mabaka a tla bong a le ka teng, e ka nna ya dira taolo mo kganngeng e jaaka e bona go tshwanetse.
Le mororo go le karolwana , motho ope yo o ngongoregisiwang ke taolo epe e e filweng ke kgotla ya tekano a ka nna, a setse morago melawana ya Kgotla ya Molaotheo, a ikuela ka tlhamalalo kwa Kgotleng ya Molaotheo.
Fa go ka dirafala gore go nne le ditshwetso tse di ganetsanang tse di dirilweng ke batlhankedi ba ba tshwereng marapo mo mererong e e mo temeng (b) ya tlhaloso ya 'mabaka a a ilediwang', Tona a ka nna a fetisetsa kgetsi eo kwa Kgotlakgolong ya Boikuelo kgotsa kwa Kgotleng ya Molaothe ogore e atlholwe.
a Fa motlhankedi yo o tshwereng marapo mo gotleng ya magiseterata a ka dira katlholo tebang le mabaka a kgethololo a a umakilweng mo temeng ya b ya tlhaloso ya 'mabaka a a ilediwang', tshwetso eo e tshwanetse gore e re morago fa go sena go wediwa theetso ya kgetsi e isiwe ka mokgwa o o beilweng kwa Kgotlakgolong e e nang le taolo gore e sekasekiwe.
Kgotlakgolo eo e tshwanetse gore, morago ga tshekatsheko ya kgang, e laole tebang le mabaka a a umakilweng mo karolwaneng ya (a), mme morago ga moo e ntshe taolo epe go ya ka Molao o jaaka e bona go tshwanetse.
Tiragatso ya karolwana ya (a) e santse e emisitswe go fitlhela ikuelo epe e e ikaeletsweng mo karolong e e wediwa.
Puso e na le tiro le maikarabelo a go tsweletsa le go nna le tekano.
Batho botlhe ba na le maikarabelo a go tsweletsa tekano. Letlha la tshimololo ya Karolo ya 24: le tla itsisewe.
go bolotsa matsholo a tshedimosetso go tumisa Molao o.
Khomosine ya Ditshwanelo tsa Setho ya Aforika Borwa le ditheo tse dingwe tse di lemogwang ke molaotheo di ka nna tsa, mo tlaleletso ya maikarabelo ape a mangwe, go ya ka Molaotheo kgotsa molao ope, kopa karolo epe e tlhalosiwang e le Puso kgotsa motho ope yo o neelang tshedimosetso ka dikgato tse di tebang le go nna le tekano go akarediwa, fa go leng maleba, tiro ya peomolao kgotsa ya tsamaiso le go obamela peomolao, melawana ya boitshwaro le dithulaganyo.
kopa Lefapha, ka mokgwa o o beilweng, go fa dipego tsa gangwe le gape, tebang le palo ya dikgetsi le mofuta le phelelo ya tsona.
tlosa mofuta ope kgethololo e e seng tshiamo kgotsa tswelediso ya botlhokatekano mo moalong, pholising kgotsa ditlwaelong dipe tse Matona ao a nang le maikarabelo a tsona; le go baakanya le go diragatsa maano a tekano ka mokgwa o o beilweng, a diteng tsa ona di tshwanetseng go akaretsa nako e e tla tsewang go diragatsa maano a go nna jalo, a a logilweng ka therisano le Tona ya Ditšhelete.
a Maano a tekano a tshwanetse gore e re dingwaga tse pedi di ise di fete morago ga tshimololo ya Molao ono, di neelwe Khomišene ya Ditshwanelo tsa Setho ya Aforika Borwa gore go tle go dirwe ka tsona ka mokgwa o o beilweng.
Khomišene ya Tekeno ya Bong fa e dira ka maano a a ikaeletsweng mo temeng ya (a). Letlha la tshimololo ya Karolo ya 25: le tla itsisewe.
go tsenya tirisong le go lebelela go tsenngwa tirisong ga maano a tekano, melawana le ditsela tsa taolo tse di dirilweng ke bona; le go dira dipegelo tsa gale tse di ya kwang bathating kgotsa ditheong tsa bolebeledi tse di maleba jaaka go tla bewa mo melawaneng. Letlha la tshimololo ya Karolo ya 26: le tla itsisewe.
Mo go diragatseng karolo ya 26, batho botlhe, makgotla a e seng a puso, makgotla a merafe le ditheo tsa setso, di tshwanetse go tsweletsa tekano mo tirisanong ya tsona le makgotla a mangwe le mo ditirong tsa ona tsa di mo setšhabeng.
Tona o tshwanetse go tlhabolola melawana tebang le Melao e mengwe e e lopang ditlamo, di-closed corporations, ditlhaknelokgwebo, mekgatlho, makgotla a metshameko, ditlamo tsa kgwebo le makoko, fa go leng maleba le go tsamaelana le bogolo ba tsona le metswedi le phokelelo, go baakanya maano a tekano kgotsa go obamela melawa ya boitshwaro e e beilweng kgotsa go begela lekgotla kgotsa setheo ka ga dikgato tsa go tweletsa tekano.
Letlha la tshimololo ya Karolo ya 27: le tla itsisewe.
Fa go ka fiwa bosupi mo tshekisong ya tlolomolao epe gore kgethololo e e seng tshiam ka mabaka a letso, bong kgotsa bogole e nnile le karolo mo tlolong ya molao, se se tshwanetse go tsewa e le mabaka a a gwetlhang fa go atlholwa.
Khomišene ya Ditshwanelo tsa Setho ya Aforika Borwa e tshwanetse, mo pegelong ya yona e e umakilweng mo karolong ya 15 ya Molao wa Khomišene ya Ditshwanelo tsa Setho wa 1994 (Molao 54 wa 1994), go akaretsa tshekatsheko ya selekano se kgethololo e e seng tshiamo ka mabaka a letso, bong, le bogole e tsweletseng go nna teng mo Repaboliking, pheto ya yona le dikatlanegiso tsa gore go ka rarabololwa mathata a ka tsela efe e e ka dira go gaisa.
tsweletsa tekano ya letso, bong le bogole.
dirisa maanotiro a a ka kgonegang gore go tle go nne le tsweletso ya tekano ya letso, bong le bogole, le iv go dira gore tloso ya kgetholo e e seng tshiamo le tsweletso ya tekano ya letso, bong le bogole e nne setlapele.
Ntle le go fapoga mo dtaolong tsa Molao o, Mametlelelo ya Molao o e totile go fa sekao sa ditlwaelo tse di seng tshiamo kgotsa tse gongwe di seng tshiamo, tse di anameng mme go tlhokega gore go itebaganngwe natso.
Letlha la tshimololo ya Karolwana ya : 1 Lwetse 2000.
Puso e tshwanetse gore fa go leng maleba teng e netefatse gore dikgato tsa peopmolao le tse dingwe di a tsewa go itebaganya le ditiro tse di umakilweng mo karolwaneng ya . Letlha la tshimololo ya Karolwana ya : le tla itsisewe.
Tona o tshwanetse gore, ka dikatlanegiso tsa Komiti ya Thadiso ya Tekano, ka tsela e e tsweletseng, a sekaseke maleba a ditlwaelo tse di mo Mametlelelong, ka maikaelelo a go oketsa, go fetola, go farologanya kgotsa go baakanya lenane la ditlwaelo tse di mo Mametlelelong.
Letlha la tshimololo ya Karolwana ya : 1 Lwetse 2000.
itebaganngwe le gore go tlosiwe ditlwaelo tse; le gore go thusiwe batho go tlhalosa ka maitemogelo a bona le ditlwaelo. Letlha la tshimololo ya Karolwana ya : 1 Lwetse 2000.
Lenane la sekao la ditlwaelo le le mo Mametlelelong ga le a felela le gone le tshwanetse go lejwa le go tlhabololwa ke Komiti ya Thadiso ya Tekano ka tsela e e tsweletseng pele. Letlha la tshimololo ya Karolwana ya : 1 Lwetse 2000.
dithata le ditiro tsa Komiti ya Thadiso ya Tekano jaaka di ikaeletswe mo karolong ya 33.
Kgang epe e sele e go leng botlhokwa go e laola gore go tle go kgonwe maikaelelo a Molao o.
Molawana ope o o dirwang mo karolong e o o ka felelang o dirile gore Puso e nne le ditshenyegelo tsa madi, o tshwanetse go dirwa ka therisano le Tona ya Ditšhelete.
Molawana o o dirwang ka fa tlase ga karolo e o ka nna wa laola gore motho yo o tlolang taolo ya ona kgotsa yo o retelelwang ke go o obamela a nne molato tlolomolao mme fa a bonwe molato ke kgotla a lefesiwe kgotsa a atlholelwe kgolegelo ya lobaka lo lo sa feteng dikgwedi di le 12.
a Melawana epe e e dirwang ka fa tlase ga karolo e, e tshwanetse go bewa fa pele ga palamente gore go buiwe ka yona pele e ka phasaladiwa mo Kaseteng fa e le gore Palamente e tla bo tshwere phuthego ka nako eo.
Fa Palamente e sa tshwara phuthego jaaka go ikaeletswe mo temeng ya (a), melawana e ka newa Mmusakgotla wa Palamente malatsi a 30 pele ga go ka phasaladiwa melawana eo mo Kaseteng.
Melawana e e dirilweng go setswe morago mabaka a a mo karolong e, segolo bogolo karolwana (a), tebang le tsamaiso ya kwa patlisisong e tshwanetse fa go ka kgonegang teng go netefatsa gore tiragatso ya Molao e bonolo, e tshiamo e bile e a kgonega.
Le mororo go na le karolo ya 19 ga go na theetso epe ya dikgetsi e e tla nnang teng mo kgotleng epe kwa ntle ga fela fa motlhankedi yo o tshwereng marapo a le teng le nngwe kgotsa dingwe tsa ditlelereke.
Tona o tshwanetse go dira gore Molao o o nne teng ka dipuo tsotlhe ka mokgwa o o beilweng dingwaga tse pedi di ise di wele morago ga tshimololo ya Molao o.
Mokaedi-Kakaretso wa Lefapha o tshwanetse go tsaya dikgato tsotlhe tse di utlwalang le gone go dirisiwa metswedi e e leng teng ya Lefapha go netefatsa gore tlelereke e nna teng mo kgotleng nngwe le nngwe ya Rephaboliki.
katiso ya bokao ba loago ya batlhankedi ba ba tshwereng marapo; le ditlwaelo tse di tshwanang, kemo le ditsamaiso tse di tshwanetseng go obamelwa ke batlhankedi ba ba tshwereng marapo mo tiragatsong ya ditiro le dithomo tsa bona.
Moatlhodimogolo o tshwanetse gore ka therisano le Khomišene ya Tirelo ya Boatlhodi le Khomišene ya Bomagiseterata le Tona a diragatse dikhoso tsa katiso tse di ikaeletsweng mo karolwaneng ya.
katiso ya bokao ba loago ya ditlelereke; le ditlwaelo tse di tshwanang, kemo le ditsamaiso tse di tshwanetseng go obamelwa ke ditlelereke mo tiragatsong ya ditiro le dithomo tsa bona.
Tona o tshwanetse go fa pegelo kwa Palamenteng, jaaka go beilwe, tebang le diteng le tiragatso ya dikhoso tsa katiso tse di umakilweng mo dikarolwaneng tsa le.
S. 31 e emiseditswe ka Karolo ya 3 ya Molao 52 wa 2002.
tokololo ya Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense.Letlha la tshimololo ya Karolo ya 32: 1 Lwetse 2000.
e na ke dithata tse dingwe le ditiro jaaka go beilwe.
Komiti ya Thadiso ya Tekano e ka nna ya tshwara merero le dikopano tsa yona jaaka e bona go tshwanetse.
Ditokololo tsa Komiti ya Thadiso ya Tekano tse di umakilweng mo karolong ya 32 a, d le di tlhongwa ka lobaka la dingwaga tse tlhano mme di ka nna tsa tlhongwa gape fa nako ya tsona ya go nna mo maemong e khutla.
Mabaka a mangwe a peo ya ditokololo tsa Komiti ya thadiso ya Tekano a jaaka a beilwe.
Tiro ya tsamaiso e e golaganeng le tiragatso ya ditiro tsa Komiti ya Thadiso ya Tekano e tshwanetse go dirwa ke batlhankedi ba ba beilweng ke mokaedi-Kakaretso wa Lefapha.
Ditokololo tsa Komiti ya Thadiso ya Tekano di na le tshiamelo ya go amogela tuelo, tefo ya tetlo le ditshiamelo tse dingwe jaaka go ka bewa ke Tona a rerisana le Tona ya Ditšhelete. Letlha la tshimololo ya Karolo ya 33: 1 Lwetse 2000.
Komiti ya Thadiso ya Tekano e tshwanetse gore e re ngwaga e ise e wele, e tlhotlhomise e be e neye Tona dikatlanegiso tse di tlhokafalang. Letlha la tshimololo ya Karolwana ya : 1 Lwetse 2000.
thibelang kgotla go laola gore lepe la mabaka a ke mabaka a a mo temeng ya (b) a tlhaloso ya 'mabaka a a ilediwang' kgotsa a akareditswe mo nngweng kgotsa mangweng a mabaka a a kwadilweng mo temeng ya (a) a tlhaloso ya 'mabaka a a ilediwang'.
Molao o o bidiwa Molao wa Tsweletso ya Tekano le Thibelo ya Kgethololo e e seng Tshiamo wa 2000 mme o simolola go dira ka letlha le le kwadilweng ke Poresitente ka go dirakitsiso o Kaseteng.
Ditlha tse di farologaneng di ka nna tsa bewa ka tsela e e ntseng jalo tebang le ditaolo tsedi farologaneng tsa Molao o.
Go nna le dikganedi tsa maitirelo tse di kganelang phitlhelelo e e lekanang go ditšhono tsa thapo ka go dirisa ditsamaiso dingwe tsa le tlhopho.
Tiriso ya metswedithuso ya setho, tlhabololo, tsweletso le ditlwaelo tsa tsholo ya badiri tse di kgethololang ka bosenatshiamo kgatlhanong le batho ba ba tswang mo ditlhopheng tse di kailweng ka mabaka a a ilediwang.
Go retelelawa ke go tlotla theo ya go lefela tiro e e lekanang ka dituelo tse di lekanang.
go tsweledisa dipharologano tsa lotseno tse di sa lekaneng tse di duleng mo kgethololong ya pele e e seng tshiamo.
Go tlhotlholola baithuti ka tsela e e seng tshiamo mo ditheo tsa thuto, go akarediwa baithuti ba ba nang le ditlhokego tse di faphegileng.
go itsa ka tsela e e seng tshiamo baithuti ba ditlhopha tse di rileng go bona dituelelothuto, dibasari kgotsa mofuta ope wa thuso ka ntlha ya mabaka a a ileditsweng.
Go retelelwa ke go akaretsa ka tsela e e utlwalalng bomefutafuta mo thutong.
Go dira batho gore ba nne mo ditekeletsong tsa bongaka ntle le tetla ya bona e e sedimoseditsweng.
kganelo kgotsa go tima ka tsela e e seng tshiamo motho ope go nna le phitlhelelo ya ditlamelo tsa tlhokomelo ya boitekanelo kgotsa go retelelwa ke go dira gore ditlamelo tsa tlhokomelo ya boitekanelo di kgone go fitlhelelwa ke motho ope.
Go gana go fa kalafi ya bongaka ya tshoganyetso go batho ba ditlhopha tse di rileng ka nngwe kgotsa mangwe a mabaka a a ilediwang.
Go gana go fa batsofe ditirelo tse di utlwalalang tsa boitekanelo.
Go kobiwa ga batho mo matlong ntle le tlhaloso e e utlwalang go ikaegilwe ka lebaka kgotsa mabaka a a ilediwang.
Kgethololo ya botlhokatshiamo mo kabong ya madi a a adimelwang go reka matlo, madi a a adimiwang kgotsa dithuso tsa ditšhelete ka mabaka a letso, bong kgotsa mabaka a mangwe a a ilediwang.
Go retelelwa ke go rekegela ditlhokego tse di faphegileng tsa batsofe.
Go ganela ka bosenatshiamo go fa kgotsa go rebolela polisi ya inšorense go motho ope ka ntlha ya nngwe kgotsa mangwe a mabaka a a ileditsweng.
Kgethololo e e seng tshiamo mo neong ya ditshiamelo, ditlamelo le ditirelo tse di leng tebang le inšorense.
Kgethololo ya botlhokatshiamo ya motho kgotsa batho, go akarediwa go gana ka tsela e e seng tshiamo le e e sa utlwaleng, go fa ditirelo go motho fela ka ntlha ya seemo sa HIV/AIDS.
Go se akaretse motho ope ka botlhokatshiamo go nna leloko la letlole la tholotiro kgotsa go amogela ditshiamelo dipe go tswa mo letloleng ka ntlha nngwe kgotsa mangwe a mabaka a a ilediwang.
Go kgethololo ka tsela e e seng tshiamo ditokololo kgotsa baamogelatshiamelo ba letlole la tholotiro.
Go laola ka kgethololo ya botlhokatshiamo gore ke mang yo o tshwanetseng go lalediwa go nna motlhakanela kgwebo mo tlhakanelokgwebong e e totobaditsweng.
Go baya mabaka a a seng tshiamo e bile a kgetholola a ka one motho a ka letlelelwang go nna motlhakanelakgwebo.
Go baya mabaka a a itsang ka botlhokatshimo kgotsa a a rontshang batho ba ba tswang mo ditlhopheng tse mo hisetoring di neng di thapotswe (beetswe kwa morago) go tsena mo ditirong/diporofešeneng.
Go thibela kgotsa go rontsha ditokolo ka botlhokatshiamo phitlhelelo ya ditshiamelo kgotsa ditlamelo ka ntlha ya mabaka a a ileditsweng.
Go gana ka tsela e e seng tshiamo kgotsa go retelelwa go fa mongwe kgotsa setlhopha sa batho dithoto le ditirelo ka ntlha ya nngwe kgotsa mangwe a mabaka a a ilediwang.
Go baya mabaka kgotsa ditlwaelo tse di tsweledisang maduo a kgethololo e e seng tshiamo ya nako e e fetileng kgotsa ya go sa akaretseng ba bangwe tebang le phitlhelelo ya metswedi ya ditšhelete.
Go thibela ka tsela e e seng tshiamo phitlhelelo ya go nna le tšhono ya go nna le konteraka e e thelesang dithoto le ditirelo.
Go gana ka tsela e e seng tshiamo go sekaseka kopo ya boloko ba lekoko kgotsa mokgatlho ka ntlha ya ape a mabaka a a ilediwang.
Go rontsha tokololo phitlhelelo kgotsa go thibela phitlhelelo ya tokololo go nna le tshiamelo epe e e fiwang ke lekoko kgotsa mokgatlho.
Go palelwa ke go tsweletsa bomefutafetua mo tlhophong ya ditlhopha tsa boemedi.
<fn>2008 PoliticalPardon_TOR_Setswana.txt</fn>
GAPE E RE Karolo 84 (j) ya Molaotheo wa Repaboliki ya Aforika Borwa, 1996 (Molao wa 108 wa 1996) jaaka o tlhabolotswe e laola gore Poresitente o "rwele maikarabelo a go itshwarela kgotsa go golola batlolamolao le go phimola ditefiso dipe, dikotlhao kgotsa dikgapelo".
GAPE E RE fa Poresitente a boletse thebolo e e faphegileng ya go wetsa merero e e tabang le go bonwa molato ga batho ba go twang ba dirile melato ba setse morago maikaelelo a sepolotiki.
Setlhopha sa Kaelo (RG) se se agilweng ka baemedi ba makoko a sepolotiki se a tlhongwa jaanong.
Mo kopanong ya ntlha Setlhopha sa Kaelo (RG), ditokololo di tshwanetse gore di tlhophe go tswa mo gareng ga tsone Modulasetulo yo o tla laolang dikopano tsa Setlhopha sa Kaelo (RG).
Go amogela dikopo tsotlhe boitshwarelo tse di tlhotlhilweng go tswa go Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo (DOJ&CD).
Netefatsa gore kopo nngwe le nngwe e tladitswe ka tsela e e beilweng.
Sekaseka kopo nngwe le nngwe ya boitshwarelo le go dira dikatlanegise tse di yang kwa go Poresitente.
Setlhopha sa Kaelo (RG) se tshwanetse go itirela melawana ya sona le ditsamaiso fa se sekaseka kopo nngwe le nngwe ya boitshwarelo ka maikaelelo a go dira dikatlanegiso tse di yang go Poresitente go lebilwe kopo nngwe le nngwe.
Setlhopha sa Kaelo (RG) se tshwanetse go bolelela Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo (DOJ&CD) ka ga melawana ya sone malatsi a somenne a ise a wele go simologa ka kopano ya RG ya ntlha.
Ga go tokololo epe e e tla duelelwang ditirelo tsa gagwe mo Setlhopheng sa Kaelo (RG).
Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo (DOJ&CD) le tla nna le maikarabelo a go duelela Setlhopha sa Kaelo (RG) ditshenyegelo tsa dipaakanyetso le tsa mosepele.
Dithulaganyo tsotlhe tsa dipaakanyetso tebang le tiro ya Setlhopha sa Kaelo (RG) di tla dirwa ke motlhankedi yo o tlhometsweng tiro eo, yo o mo Lefapheng la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo (DOJ&CD).
Setlhopha sa Kaelo (RG) se tla nna teng ka lobaka lwa go simologa ka letlha la kopano ya sone ya ntlha go fitlha ka letlha le go weditsweng merero ya sone go akarediwa ditlha tsoo pedi, mme letlha la bofelo ga le ka ke la nna morago ga 30 Lwetse 2008.
Batho ba mabaka a bona a dumalanang le dintlha le ditsamaiso tse di beilweng mo foromong ya kopo, ba ka nna ba kopa Poresitente go ba itshwarela ka tsela e e beilweng.
molato o o umakilweng mo moleng wa (a) o dirilwe ka kgotsa pele ga letlha la go tlhonwga ga Poresitente ka 16 Seetebosigo 1999; le kopo ya gagwe ya boitshwarelo e patagantswe le affidavit kgotsa tlhomamiso e e filweng kgotsa e e tlhomamisitsweng ke motho yo o rebotsweng ke lekoko la sepolotiki kgotsa lekgotla, setheo, mokgatlho wa kgololesego, e mo go yona go tlhomamisiwang gore tiro e e dirilweng kgotsa selo se se sa dirwang se e neng e le molato o go buiwang ka ga one, e dirilwe ka taolo kgotsa ka tiragatso ya taolo, thomo, kgotsa molao, kgakololo, leano kgotsa porojeke ya kgotsa mo boemong jwa kgotsa ka thebolelo ya, kgotsa ka tsweletso ya, tsholetso kgotsa phitlhelelo ya melao-tsamaiso (dipholisi), maikaelelo kgotsa dikgatlhego tsa lekoko, lekgotla, setheo, mokgatlho wa kgololesego kgotsa setlhopha se mokopi a neng a le tokololo, morongwa kgotsa moetleetsi wa yona.
a isitse kopo go Komiting ya Boitshwarelo e e tlhomilweng ka fa tlase ga Moalo wa TRC mme kopo ya gagwe ya boitshwarelo e gannwe; le fa a sa tshwanele ditlhokego tsotlhe tse di beilweng pele ga kgotsa ka nako ya lobaka lwa dikgwedi tse tharo tsa "patlha ya tšhono" e ise e wele.
Ke dikopo fela tse di tladitsweng sentle le gone ka botlalo ka tsela e e beilweng, go akarediwa mo foromong e e rulagantsweng bogolo segolo thebolo e e faphegileng e, mo pakeng ya "phatlha ya tšhono" tse di tla sekasekiwang.
Ke kopo fela e e isitsweng ke motho ka boesi e e tla sekasekiwang. Kopo e tshwanetse go dirwa ke mokopi ka boesi jaaka go beilwe le gore kopo e isiwe kwa Lefaphang la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo (DOJ&CD).
Lekoko la sepolotiki le mokopi a leng tokololo ya lone, le lone le ka nna la isa kopo go Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo (DOJ&CD) mo boemong jwa mokopi.
netefatsa gore mabaka a ago buiwang ka ga one a tsamaelana le ditiragalo / ditiro tsa sepolotiki tse lekoko la sepolotiki le neng le tsaya karolo mo go tsona.
Dikatlanegiso tsotlhe tse di dirilweng tebang le dikopo tsa boitshwarelo di tshwanetse go isiwa kwa go poreisidente.
Dikatlanegiso tsa Setlhopha sa Kaelo (RG) di tla dirwa tenang le kopo nngwe le nngwe ya boitshwarelo.
Katlanegiso e e dirilweng ke Setlhopha sa Kaelo (RG) tebang le kopo nngwe le nngwe e tshwanetse go supa bontsi mmogo le bonnye jwa megopolo ya ditokololo, fa e le teng, tebang le kopo nngwe le nngwe.
Poresitente o na le maatla a go gana dikatlanegiso tse di dirilweng ke Setlhopha sa Kaelo (RG).
Poresitente fa a sena go sekaseka dikatlanegiso tse di dirilweng ke Setlhopha sa Kaelo (RG) o na le maatla a go naya boitshwarelo kgotsa go gana go itshwarela.
Ga go na ope yo o nang le tshwanelo ya go itshwarelwa ke Poresitente.
Go naya boitshwarelo go motho ope go tla dira gore go phimolwe ponomolato le rekoto ya bosenyi ya molato o o itshwaretsweng.
<fn>2008-075_CJgg32225_set.txt</fn>
x tlhopha mongwe yo o tla tsayang tshweetso ya semolao mo dikgetseng tse di akaretsang bana tse di sa faposiwang mo tshekong kwa kgotlatshekelo ya bana; le x neelano ka methalethale ya dikatlholo tse di maleba tse di siametseng ditlhokego tsa bana.
tirelo nngwe le nngwe mo go motho yo a umakilweng, batho, setlhopha sa batho kgotsasets.
Ngwana ga a tshwanelwa go tshwarwa ka tsela e e makgwakgwa go feta ka fa mogolo a neng a ka tshwarwa ka teng fa a ne a le mo maemong a jaalo.
Ngwana mongwe le mongwe go tshwanetswe ga buisanwa le ene ka mokgwa o o tshwanetseng dingwaga le kgolo ya tlhaloganyo ya gagwe mme go tshwanetswe ga buiwa le ene ebile a letlelelwe go bua ka puo ya tlhopho ya gagwe, ka go dirisa toloki, fa go tlhokagala.
Ngwana mongwe le mongwe o tshwanetswe go tsholwa ka mokgwa o o akanyang ka ga boleng jwa setso le ditumelo tsa gagwe.
Ditsamaiso tsotlhe go ya ka ga Molao ono, di tshwanetswe go diriwa le go konosediwa kwa ntle ga tiegisoeesa tlhokagaleng.
Batsadi, bagolo ba ba tshwanetseng le batlhokomedi ba ngwana ba semolao, 45 ba tshwanetse go kgona go thusa bana mo tsamaisong, go ya ka mabaka a Molao ono, mme fa go kgonega, le go tsaya karolo mo ditshweetsong tse di ba amang.
tlhokegang go ya ka tlhaloso, mo go motho mongwe le mongwe yo a umakiwang mo go molawana ono, kwa ntle fela ga fa Molao ono o letlelela phetolo, tlaleletso kgotsa tumelelo kgotsa ditsamaiso mo lobakeng lwa motho yo o jalo.
e feleletseng ya kopano le kamego ya Molao wa Tsamaiso ya Bosenyi le Molao ono.
modiredi wa tsamaisoeesa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, kwa ntle ga fa tshekatsheko e dirilwe go ya ka molawana wa 41 kgotsa 47.
b Kgetse nngwe le nngweeesa faposiwang mo tshekong go ya ka temana ya a, e tshwanetse, kwa ntle ga fa kgetse e tsholotswe kgotsa e fetiseditswe kwa kgotlatshekelo ya bana, ya fetisediwa kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana gore a ikarabele mo tatofatsong le go sekiwa ga kgetse go ya ka Kgaolo ya 9.
ditlolo-molao tse di leng mo Setlhopheng sa 2; le ditlolo-molao tse di leng mo Setlhopheng sa 3.
Fa ngwana a latofadiwa ka ditatofatso tse di fetang e le nngwe tse go tlhalosiwang ka tsona mo tsamaisong ya bosinyi, tlolo-molao e e leng yona e e masisi e tshwanetse go nna kaedi ya gore go tsewe dikgato tse di ntseng jang ka ngwana go ya ka Molao ono.
Fa ngwana a latofadiwa ka ditatofatso tse di fetang e le nngwe tsa tlolo-molao tse di sa tsamaisaneng mo tsamaisong ya bosenyi, molawana wa ga e dirisiwe.
Ngwana yo o tlolang molao a santse a le ka fa tlase ga dingwaga di le 10, ga a na kitso ya bosenyi mme ga a kitla a sekisediwa tlolo-molao eo, mme o tshwanetse go sekisiwa go ya ka molawana wa 9.
Ngwana yo a leng dingwaga di le 10 kgotsa go feta mme a le ka fa tlase ga dingwaga di le 14 mme a dira tlolo-molao, o tsewa a sena kitso ya bosenyi go ya ka molawana wa 11.
Molaooosa kwadiwang mo dibukeng tsa molao o o mabapi le go nna le kitso ya bosenyi wa bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 14, o a fetolwa jaaka go tlhalosiwa mo molawaneng ono.
Go tlhotlhomisa bonnye jwa dingwaga tsa go nna le kitso ya bosenyi jaaka bo tlhalosiwa mo go molawana wa 7 bo tshwanetse go okediwa, maloko a Kabinete a a nang le maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi, a tshwanetse gore mo lobakeng lo lo sa feteng dingwaga di le tlhano morago ga go tsenngwa tirisong ga molawana ono, a neele Palamente ripoto, jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 96 le.
romela ngwana go ya go bona kgakololo kwa go maitseanape kgotsa kala.
kgonang go neelana ka tshedimosetso mabapi le kopano e e umakilweng mo karolong ya molawana wa ; kgotsa vi go tsaya tshweetso ya go tsee dikgato.
b Kgato nngwe le nngwe e e tsewang ka fa tlase ga temana ya a ga e kae gore ngwana o na le maikarabelo a tiragalo e e dirileng gore go diriwe tshekatsheko.
b go kwala togamaano e e tshwanetseng ngwana le mabaka a a tshwanetseng.
kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao.
Modiredi wa tsamaisoeesa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, o tshwanetse go kwala, ka go fa mabaka, ditlamorago tsa tshekatsheko le tshweetso e e dirilweng go ya ka karolo ya molawana wa ka fa go tlhokegang ka teng.
g matshwanedi a go faposa mo tshekong; le h lebaka lengwe le lengwe le le matshwanedi.
fetisetsa kgetse kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko jaaka go tlhalosiwa go ya ka Kgaolo ya 7; kgotsa b fa e le gore kitso ya bosenyi e ka se supiwe go ya ka molawana wa 11, a ka laela gore ngwana a isiwe kwa go modiredi wa tsamaiso e e letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, gore a sekisiwe go ya molawana wa 9.
Puso e tshwanetse go supa kwa ntle ga pelaelo epe gore ngwana yo o nang le dingwaga di le 10 mme a le ka fa tlase ga di le 14, o na le kitso ya go kgona go farologanya molemo le bosula le gore ka nako e a neng a itlhophela go dira se a se dirileng, o ne a na le kitso e e jalo.
magiseterata yo o dirang dipatlisiso, mo lobakeng la go faposa kgetse mo tshekong; kgotsa fa kgetse e ise e faposiwe mo tshekong, kgotlatshekelo ya ngwana, mo lobakeng lwa go ikarabela mo tatofatsong le tsheko, e tshwanetse go akanya ka ga ripoto ya tshekatsheko e e dirilweng ke modiredi wa tsamaisoeesa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, e e umakiwang mo go molawana wa 40, mmogo le bopaki jotlhe jo bo tlisitsweng fa pele ga magiseterata yo o dirang dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, pele kgetse e faposiwa mo tshekong kgotsa pele ga go bonwa molato, go ya ka se se ka diragalang pele, mme bopaki e ka nna jo bo akaretsang ripoto ya tshekatsheko e e kailweng mo karolong ya molawana wa.
Fa taelo e dirilwe ke magiseterata yo o dirang diplatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana go ya ka fa karolong ya molawana wa , motho yo o tlhophilweng go dira tshekatsheko ya ngwana, o tshwanetse go neela magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, ripoto e e kwadilweng ya tshekatsheko ya ngwana mo malatsing a le 30 go tloga ka letlha la taelo.
Fa, ka nako ya tshekatsheko ya ngwana go ya ka Kgaolo ya 5, dingwaga tsa ngwana, ka nako ya fa a dira tlolo-molao, di sa netefadiwe, modiredi wa tsamaisoeesa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, o tshwanetse go lekanyetsa digwaga tsa ngwana mme a tlatse foromo e e jalo.
Modiredi wa tsamaisoeesa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, o tshwanetse go neelana ka tekanyetso ya dingwaga mo foromong e e diretsweng seo, mmogo le dikwalwa dingwe le dingwe tse di tsamaisanang le tsona, kwa go magiseterata yo o dirang dipatlisiso pele ngwana a tlhagelela kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko.
Fa go ka tlhagelela bokapi jo bo leng kgatlhanong le joo, ka nako nngwe le nngwe pele ga katlholo, tekanyetso ya dingwaga e e dirilweng ke modiredi wa tsamaisoeesa letleleleng motlola-molao go kwa kgolegelong, go ya ka molawana ono, e ka fetolwa mme ga kwalwa tekanyetso nngwe ya dingwaga.
Fa, ka nako ya dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa ka nako ya tsheko kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, dingwaga tsa ngwana ka nako e a dirang tlolo-molao ka yona di sa netefadiwe, moreetsa-kgetse o tshwanetse go dira maiteko a go tlhotlhomisa dingwaga tsa ngwana.
bitsa motho mongwe le mongwe go tla go neelana ka sekwalwa, tshedimosetso kgotsa ditatamente tse di tlhalosiwang mo go temaneng ya (b); kgotsa fa go tlhokega, a romela ngwana kwa go ngaka, mokgwa o o matshwanedi, gore e lekanyetse dingwaga tsa gagwe.
b Fa go ka tlhagelela bopaki jo bo kgatlhanong le seo, moreetsa-kgetse o tshwanetse a fetola rekoto gore e supe dingwaga tse di siameng.
wa 14; mme b fa go tlhokagala, e fetole rekoto gore e supe dingwaga tse di siameng tsa motho yoo, go ya ka ga molawana wa 16, o o dirang le ka diphetogo tse di tlhokegang go ya ka fa tirisong.
e tlhodile ditlamorago tse di sa siamelang motho ka nako ya tsheko eno, moreetsa-kgetse o tshwanetse go fetisetsa rekoto ya tsheko kwa go tlereke ya Kgotlatshekelo Kgolo e e nang le dithata tsa go reetsa kgetse e e jalo, ka mokgwa o o leng go ya ka ga molawana wa 303 wa Molao wa Tsamaiso ya Bosenyi.
e ka ga dingwaga ga e a tlhola ditlamorago tse di sa siamelang motho ka nako ya tsheko, moreetsa-kgetse o tshwanetse go tswelapele ka tsheko go ya ka ga Molao ono, ka fa dingwageng tsa gagwe, jaaka di fetotswe.
c go tshwarwa, jaaka go umakiwa mo go molawana wa 20.
Fa mabaka a letla, lepodisi le tshwanetswe go tsaya kgakololo go tswa go Molaodi waBots.huts.hisijwaSets.habakgotsamots.huts.hisigoreangwanaotshwanetsego tlhagelela kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa nnyaya, mme fa go le jalo, ngwana o tshwanetse go tlhagelela ka tsela e e jang.
mabapi le bana, le le kopang ngwana go tlhagelela kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko.
Molawanawa561cwa''CriminalProcedureAct''ootlhalosangkagago dumela molato le tuelo ya faene, ga o dirisiwe mo lobakeng lwa lekwalo la kitsiso go ya ka Molao ono.
wa semolao, a le teng, mme ngwana le motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, ba tshwanetse go netefatsa gore lekwalo le amogetswe ka go saena kgotsa go dira letshwao.
ngwana wa semolao a se teng, lekwalo la kitsiso le tshwanetse go newa ngwana mme e re ka bonako jo bo ka kgonegang, khophi e newe motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, mme ngwana mmogo le motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, ba tshwanetse go netefatsa gore lekwalo le amogetswe ka go saena kgotsa go dira letshwao.
b morago fela, mme e seng morago ga diura di le 24 morago ga go neela ngwana lekwalo la kitsiso, a itsise modiredi wa tsamaisoeesa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong.
Procedure Act'', yo o tshwanetseng go tlhagelela kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, e tshwanetse go tlhagisa letlha, nako le lefelo le go tla tshwarelwang kwa go lone dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko.
motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, o tshwanetse go netefatsa gore tagafara e amogetswe ka go saena kgotsa go dira letshwao.
mme khophi ya tagafara eo, fa mabaka a letla, e tshwanetse ya newa motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, mme ngwana mmogo le motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, ba tshwanete go netefatsa gore tagafara e amogetswe ka go saena kgotsa ka go dira letshwao.
b e re ka bonako, le itsise modiredi wa tsamaisoeesa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, mme e se ke ya nna morago ga diura di le 24.
e fa tlolo-molao e dirilwe mo tlase ga mabaka a a tlhalosiwang mo taelong ya bosets.habaeeumakiwangmogomolawanawa97 (a)(ii).
kgone go ka itsise motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao ka ga go tshwarwa ga ngwanaa, lepodisi le tshwanetse go neela moreetsa-kgetse wa dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, ripoto e e kwadilweng go tlhalosa jalo.
ka bonako, mme e seng morago ga diura di le 24 morago ga go tshwarwa, le itsise modiredi wa tsamaisoeesa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, wa tikologo e ngwana a tshwerweng kwa go yona, ka go go tshwarwa ga ngwana, ka tsela e e tshwanetseng.
dilweng, le tlhalosa mabaka a gore ke ka ntlha ya eng le sa dira ka fa go tshwanetseng.
magiseterata wa kgotlatshekelo e e nang le dithata tsa go reetsa kgetse e e jalo, gore kgetse ereediwegoyakamolawanawa5 go.
bolwetse jwa fa mmeleng kgotsa seemo sengwe le sengwe sa mmele; le iii go tshwarwa kwa tikologong e e kwa ntle ga tikologo ya kgotlatshekelo e e nang le dithata tsa go reetsa kgetse, di a diragadiwa fa go fetile lobaka lwa diura di le 48.
Fa go elwa tlhoko kgololo kgotsa go tlhatlhelwa ga ngwana yo o neng a tshwerwe, se se tshwanetsweng go dirwa pele ke go golola ngwana jaaka go tlhalosiwa mo karolong ya molawana wa le wa.
Lepodisi le le gololang ngwana yo o tlhatlhetsweng go ya ka molawana wa 22 mme le bo a mmaya ka fa tlase ga tlhokomelo ya motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, le tshwanetse gore ka nako e le gololang ngwana ka yona, le neele ngwana le motho o le mo gololelang mo tlhokomelong ya gagwe lekwalo la kitsiso go ya ka molawana wa 18.
kgotsa sa 2 sa ditlolo-molao, ngwana a ka gololwa ka boena fa seo e le go ya ka fa dikgatlhegelong tsa bosiamisi gore ngwana a gololwe.
ba ba umakiwang; kgotsa f latele taelo nngwe le nngwe e moreetsa-kgetse a boneng e le matshwanedi fa tlase ga mabaka ao.
motsadi, mogolo yo tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, le go lemosa motsadi, mogolo yo o mashwanedi kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao gore a netefatse gore ngwana o tlhagelela ka letlha, nako le kwa lefelong, tse di umakilweng, mme fa taelo e dirilwe go ya ka molawana ono, go netefatsa gore ngwana o dira ka fa taelong eo.
Fa ngwana a golotswe ka boena, moreetsa-kgetse o tshwanetse go laela ngwana go tlhagelela ka letlha, nako le kwa lefelong tse umakilweng, fa go dirilwe taelo e e jalo go ya ka molawana ono, le go dira ka fa taelong eo.
umakilweng mo molawaneng ono, moreetsa-kgetse, fa a lemositswe ka tsela e e matshwanedi, gore ngwana ga a dira jaaka a laetswe, a ka ntsha lekwalo la gore ngwana a ye go tshwarwa kgotsa a ntsha tagafara go ya ka molawana wa 19, gore ngwana a tlhagelele kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana.
fa go tlhokega, a ka dira taelo e e siameng e e tla thusang ngwana le ba lelapa la gagwe go kgona go latela ditaelo tse di neng di dirilwe kwa tshimologong.
e Motsadi, mogolo yo o matshwanedi kgotsa motllhokomedi wa ngwana wa semolao yo a sa direng go ya ka fa molawaneng wa , o molato ka tlolo-molao mme fa a bonwe molato, a ka atlholelwa faene kgotsa go ya kwa kgolegelong lobaka le le sa feteng dikgwedi le tharo.
Kgaolo ya 9 ya ''Criminal Procedure Act'' e diragadiwa mabapi le kgololo ya ngwana ka beili, kwa ntle ga molawana wa 59 le wa 59A, go ya ka fa go tlhalosiwang katengmogomolawanawa21 (b).
baya ditaelo tse di matshwanedi tse di sa akaretseng madi, tsa go gololwa ga ngwana ka beili; kgotsa ii kgona go duela madi a a rileng, moreetsa-kgetse o tshwanetse go baya ditaelo tsa go golola ngwana ka beili mme e nne madi a a tshwanetseng mo tlase ga mabaka ao.
tlhatlhela jaaka e le ya bofelo mo go tsotlhe ka fa go ka kgonegang ka teng fa tlase ga mabaka, jaaka go tlhalosiwa mo karolong ya molawana wa le wa , mme a simolola ka e e leng ya bofelo mo go tsotlheeeka dirang gore a se ke a tlhatlhelwa.
tlhokomelo ya tsa maphelo e e tshwanetseng le ya ka bonako mo lobaleng la bolwetsa bongwe le bongwe; le ii dijo, metsi, le tsa marobalo tse di lekaneng.
tlhaloso ya mabaka a a bakileng kgobalo kgotsa maitemogelo a a tlisitseng maikutlo a go sa iketlang ga tlhaloganyo; le iii kgakololo gore a go na le kgatoeeka tsewang.
Rejisetara e ka tlhatlhobiwa ke motho mongwe le mongwe yo o ka dumelelwang.
Nako le nako fa go tlhokega gore moreetsa-kgetse a dire tshweetso go ya ka karolo ya molawana wa , moreetsa-kgetse o tshwanetse go ela tlhoko tshedimosetso e e umakiwang mo go molawana wa 40.
go nna teng ga bonno jwa ngwana oo; le tshedimosetso nngwe le nngwe e e leng tengeekaga boleng jwa tshireletso, mekgabiso mmogo le dikarolo tse di botlhokwa tsa lefelo.
gore tlolo-molao e e masisi go le kana kang; kgotsa lebaka lengwe le lengwe la a tshwanang le ona.
Moreetsa-kgetse yo o ntshang taelo ya gore ngwana a tlhatlhelwe go ya ka molawana ono, o tshwanetse go laela gore ngwana a tlisiwe kwa go ene kgotsa kwa kgotlatshekelo nngwe mo letsatsing lengwe le lengwe la 14 gore a lekole taelo.
Moreetsa-kgetse yo o dirang taelo ya gore ngwana a bewe kwa kgolegelong go ya ka temana ya (a), o tshwanetse go kwala mabaka a a dirileng gore a tsee tshweetso e e jalo mo rekotong ya tsheko.
Fa ngwana a tshwanetswe go tlhatlhelwa kgotsa go bewa kwa lefelong la thokomeloyangwanalemos.
f ka kwala mabaka a a dirileng gore a tsee tshweetso e e jalo mabapi le se se ntseng jalo, ka fa rekotong ya tsheko.
na le mabakaaaka dirang gore di dirisiwe.
b Basetsana ga ba tshwanela go kopana le basimane mme ba tshwanetse go nna ka fa tlase ga tlhokomelo ya mogolo wa mosadi.
bosiamisi ya ngwana, ga a tshwanela go pagama le bagolo: Fa go sa kgonagaleng gore taelo eno e latelwe, lepodisi le tshwanetse gore mo nakong ya diura di le 48, e neele moreetsa-kgetse, ripoto e e mabapi se se jalo mme a tlhalosa mabaka gore ke ka ntlha ya eng taelo e sa latelwa.
kgolegelong, jaaka go tlhalosiwa mo karolong ya molawana wa le wa , kwa ntle ga gore tshekatsheko e bo e dirilwe go ya ka molawana wa 41.
lefelong la dipatlisiso tsa di dirwang pele ga tsheko, mo dinakong tse di kwadilweng mo gomolawanawa43 (b).
tshekatsheko ya ngwana mo malatsing a le supa morago ga go itsisiwe.
c kgobokanya tshedimosetso mabapi le tlolo-molao e ngwana a kileng a bonwa molato ka yona, phaposo ya kgetse mo tshekong e e dirilweng mo nakong e e fetileng kgotsa tlolo-molao e iseng e sekiwe.
go dirwang dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko; mme b ga e amogelesege jaaka bopaki mo nakong ya kopo ya beili, go ikarabela mo tatofatsong, mo tshekong kgotsa ka nako ya katlholo, fa ngwana a tlhagelela kwa kgotlatshekelo.
ka tlolo-molao, mme fa a bonwe molato, a ka atlholelwa faene kgotsa kwa kgolegelong lobaka lo lo sa feteng dikgwedi di le tharo.
Lefelo le le tlhophilweng go ya ka karolo ya molawana wa 1, le tshwanetse go siamela go se kgorelediwe.
kgotsa a kgoreleditse tshekatsheko kgotsa go le ka fa dikgatlhegelong tse di molemo tsa ngwana kgotsa tsamaiso ya bosiamisi, gore a se ke a nna teng.
c mongwe le mongwe yo go nneng teng ga gagwe go tlhokagalang mo lobakeng lwa tshekatsheko.
ka tshaba kgotsa a nna kotsi mo go modiredi wa tsamaisoeesa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong.
Modiredi wa tsamaisoeesa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, fa go le matshwanedi, a ka rata go utlwa maikutlo a ngwana mo sephiring, mabapi le go nna teng ga motho mongwe fa tshekatshekong.
a Modiredi wa tsamaisoeesa letleleleng motlola-molao, o tshwanetse go leka ka gotlhe go batla kwa motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao a leng kwa teng gore a tle a kgone go konosetsa tshekatsheko ya ngwana mme a ka kopa lepodisi go mo thusa go batla motho yoo.
c tlhalosetsa ngwana ka ga ditsamaiso tsa ka bonako tse di tshwanetsweng go latelwa go ka Molao ono; le d botsa ngwana gore a o ikaelela go amogela maikarabelo a tlolo-molao eo.
mongwe yo o leng teng.
Modiredi wa tsamaisoeesa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, a ka ya go buisana le motho mongwe le mongwe yo a seng fa lefelong la tshekatsheko, yo o nang le tshedimosetso e e mabapi le tshekatsheko, mme fa go na le tshedimosetso nngwe e e bonweng, ngwana o tshwanetse go itsisiwe ka ga yona.
Fa ngwana a latofadiwa mmogo le ngwana mongwe kgotsa bana bangwe, modiredi wa tsamaisoeesa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, a ka dira tshekatsheko ya bana ka nako e le nngwe fa e le gore seno se mo dikgatlhegelong tsa bana bao botlhe.
Modiredi wa tsamaisoeesa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, o tshwanetse go rotloetsa bana go tsaya karolo ka nako ya tshekatsheko.
gore a go tlhokagala tshekatsheko ya ngwana e e nang le dintlha tsotlhe go kgona go ka akanya mabaka a a umakiwang mo karolong ya molawana wa ; le tekanyetso ya dingwaga tsa ngwana, fa di sa netefadiwa, jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 13.
go nna teng ga bonno jwa ngwana yo go buisanwang ka ga ene; le boleng jwa tshireletso, mekgabiso le dikarolo tse di botlhokwa tsa lefelo.
Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao gore a ye kwa kgolegelong, o tshwanetse go supa fa ripotong gore a ngwana o na le maikaelelo a go amogela maikarabelo a tlolo-molao e a latofadiwang ka yona.
Molawana wa 58 o a diragadiwa ka diphetogo tse di tlhokagalang go ya ka ona, mo go ngwanaoasa lateleng taelo nngwe le nngwe e e tlhalosiwang mo karolong ya molawana wa 1.
ke tsamaiso ya pele ga tsheko ya melaoeesa gagamalang e go botswang dipotso mo go yona; mme e ka tshwarelwa kwa kgotlatshekelo kgotsa kwa lefelong lengwe le lengwe le le siametseng.
go tlhagelela ga ngwana kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana; kgotsa iii go fetisediwa ga kgetse kwa kgotlatshekelo ya bana, fa go leng matshwanedi gona.
ngwana a le ka fa tlase ga dingwaga di le 10; kgotsa iii kgetse e tsholotswe.
mo nakong ya diura di le 48 morago ga go tshwarwa ga ngwana, mme e nna a tlhatlhetswe, jaaka go tlhalosiwa jalo mo go molawana wa 20 ; kgotsa ii mo dinakong tse di tlhalosiwang mo lekwalong la kitsiso go ya ka molawana wa 18 kgotsa tagafara go ya ka molawana wa 19.
motsadi wa ngwana, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao; le modiredi wa tsamaisoeesa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong.
Fa go na le kgonagalo ya gore taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong e ka dirwa, moneelana ka tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong, yo o supilweng ke modiredi wa tsamaisoeesa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong,, o tshwanetse go nna teng kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko.
Magiseterata yo o reetsang tsheko ya dipatlisiso, go ya ka molawana wa 81, a ka laela motho mongwe le mongwe gore a se ke a tsenela tsheko ya dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, fa e le gore go nna teng ga motho yo o jalo ga go ka dikgatlhegelong tse di molemo tsa ngwana kgotsa fa a nyatsa mokgwa wa dipotsolotso le maikaelelo a dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko.
a Dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko di ka tswela pele fa motsadi, mogolo yo o tshwanetseng, motlhokomedi wa ngwana wa semolao kgotsa modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, a se teng, fa magiseterata yo o reetsang tsheko ya dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, a kgotsofetse gore go dira jalo go ka fa dikgatlhegelong tse di molemo tsa ngwana.
Fa magiseterata yo o dirang dipatlisiso a tswela pele kwa ntle ga motsadi wa ngwana, mogolo yo o tshwanetseng, motlhokomedi wa ngwana wa semolao kgotsa modiredi wa tsamaisoeesa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, go ya ka temana ya (a), o tshwanetse go kwala mabaka a tshweetso e e jalo ka fa rekotong ya tsheko.
Magiseterata yo o dirang dipatlisiso a ka dumelela motho mongwe le mongwe yo o nang le kgatlhego kgotsa yo o ka nnang le seabe mo tshekong, go nna teng.
Magiseterata wa dipatlisiso a ka kwalela kgotsa a laela gore motho mongwe le mongwe yo go nneng teng ga gagwe go ka tlhokagalang mo lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, a nne teng.
Tshedimosetso e e neetsweng ke motho mongwe le mongwe kgatlhanong le ngwana kwa lefelong la dipatlisiso tse dirwang pele ga tsheko, ga e a tshwanelwa go dirisiwa mo kopong nngwe le nngwe ya beili, go ikarabela mo tatofatsong, tsheko kgotsa mo ditsamaisong tsa katlholo.
Magiseterata yo o dirang dipatlisiso o tshwanetse go tsamaisa dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko ka tselaeese nang melao e e gagametseng, ka go botsa dipotso, go buisana le batho ba ba tlileng kwa dipatlisisong ka maikaelelo a go bona dikarabo ka ga sengwe le go bona tshedimosetso, mme o tshwanetse go nna le rekoto ya tsamaiso e e jalo.
a sa dumele maikarabelo, ga a tshwanelwa go botswa dipotso mabapi le tlolo-molao e a latofadiwang ka yona ebile ga go na tshedimosetso mabapi le phaposo ya kgetse mo tshekong kgotsa go bonwa molato mo nakong e e fetileng kgotsa tatofatso e e iseng e sekiwe kgatlhanong le ngwana, tse di tshwanetsweng go tlhalosiwa mo dipatlisisong tse di dirwang pele ga tsheko, mme karolo ya molawana wa (c) mmogo le diphetogo tse di tsamaisanang le ona, o a diragadiwa; kgotsa ii fa a sa dumele maikarabelo, dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko di tswela pele go ya ka Kgaolo eno; le go tlhotlhomisa dingwaga tsa ngwana go ya ka molawana wa 14, fa go tlhokagala.
ripoto e e mabapi le go tlhatlhelwa ga ngwana kwa lefelong la mapodisi, e e tswang mo lepodising le le batlisisang kgetse go ya ka molawana wa 22 , fa e tlhokagala; le tshedimosetso nngwe le nngweeeka tlhokagalang mo tshekong.
batla tshedimosetso go tswa mo mothong mongwe le mongwe yo o tsenelang dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, go e dirisa mo boemong jwa tshedimosetso e a nang le yona kgotsa go utlwisisa sentle tshedimosetso e a nang le yona; le tsaya dikgato tse di tlhokagalang go tlhotlhomisa bonnete jwa setatamente sengwe le sengwe le go siama ga sengwe le sengwe se se builweng.
a Fa go ise go dirwe tshekatsheko ya ngwana, magiseterata yo o dirang dipatlisiso a ka nna a se ke a dirisa tshekatsheko fa go le ka fa dikgatlhegelong tsa ngwana go dira jalo.
Magiseterata yo a sa diriseng tshekatsheko go ya ka temana ya (a), o tshwanetse go kwala mabaka a go tsaya tshweetso e e ntseng jalo mo rekotong ya tsheko.
go dumelela ngwana, motsadi wa ngwana, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao kgotsa motho mongwe le mongwe yo o leng teng go botsa dipotso le go tlhagisa dintlha, tse go ya ka magiseterata wa dipatlisiso, di leng tshwanetseng mo lebakeng la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko.
a Fa ngwana a latofadiwa le ngwana yo mongwe kgotsa bana ba bangwe, go ka tshwarwa dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, ka nako e le nngwe fa magiseterata yo o dirang dipatlisiso a kgotsofetse gore seo se tla nna ka fa dikgatlhegelong tse di molemo tsa bana bao.
temana ya (a), go ka dirwa ditshweetso tse di farologaneng mo lebakeng la ngwana mongwe le mongwe.
c itsise ngwana gore kgetse e fetiseditswe kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana gore e tle e reetse kgetse go ya ka Kgaolo ya 9.
kgetse, magiseterata ga a tshwanela go reetsa ditsheko dingwe tse di latelang, tsamaiso kgotsa tsheko e e leng ka ga mabaka a a jalo.
v bona se se ka dirwang go fapoga tlhatlhelo; kgotsa vi go dira tshekatsheko ya ngwana , fa e le gore e ne e sa dirwa mo nakong e e fetileng; kgotsa c mo lebakeng la go dira dipatlisiso dingwe tsa kgetse.
supa motho yo o latofadiwang ka gore ke ene a dirileng molato kgotsa go supa dilo tse di tserweng ka nako e molato o neng o dirwa ka yona, magiseterata yo o dirang dipatlisiso o tshwanetse go itsise ngwana gore o na le tshwanelo ya gore motsadi wa gagwe, mogolo yo o tshwanetseng, motlhokomedi wa ngwana wa semolao kgotsa mmueledi wa semolao, a ka nna teng mo tshekong eo.
Magiseterata yo o dirang dipatlisiso, go ya ka temana ya (b), a ka dira taelo ya gore kgetse e faposiwe mo tshekong go ya ka molawana wa 52.
Magiseterata yo o dirang dipatlisiso, mo lobakeng lwa ngwana yo o nang le dingwaga di le 10 kgotsa go feta, mme a le ka fa tlase ga dingwaga di le 14, a ka dira fela taelo ya gore kgetse e faposiwe mo tshekong, go ya ka temana ya (a), fa a kgotsofetse gore ngwana o na le kitso ya bosenyi.
a ka fetola kgotsa a oketsa taelo e e dirilweng go ya ka molawana wa 24 ; mme ii a laele ngwana le motsadi wa gagwe, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, go nna teng kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana ka letlha, nako le lefelo tse di beilweng.
akantse ka ga dikakanyo tsa motswa-setlhabelo kgotsa motho mongwe le mongwe yo o nang le dikgatlhegelo mo maemong a motswa-setlhabelo, gore a kgetse e ka faposiwa mo tshekong kgotsa nnyaya, kwa ntle ga fa go sa kgonagale gotlhelele go dira jalo; mme a buisane le lepodisi le le dirang dipatlisiso tsa kgetse mme le supa gore kgetse e ka faposiwa mo tshekong.
Sesupo sa lekwalo se se umakiwang mo karolong ya molawana wa , se tshwanetse go newa moreetsa kgetse kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana mme se tshwanetse go nna karolo ya rekoto ya tsheko.
Fa moreetsa-kgetse a sa fapose kgetse mo tshekong jaaka go kaiwa mo karolong ya molawana wa , o tshwanetse go fetisetsa kgetse kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana gore e reediwe go ya Kgaolo ya 9.
taelo ya pego'' go tewa taelo e e ntshitsweng ka mokgwa o o beilweng, gore ngwana a ye go ipega kwa mothong yo o tlhalosiwang ka nako kgotsa dinako tse di beilweng go kgontsha motho yoo go ela tlhoko maitsholo a ngwana; mme taelo ya tlhokomelo le kaelo'' go tewa taelo e e ntshitsweng ka mokgwa o o beilweng, go baya ngwana ka fa tlase ga tlhokomelo le kaelo ya motho yo o nang le kitso mme a neelana ka kaelo kgotsa thaka ya gagwe gore e tlhokomele le go kaela ngwana ka maitsholo a gagwe.
maemo a ntlha ke a a dirisiwang mo go ditlolo-molao tse di umakiwang mo go Setlhopha sa 1 sa ditlolo-molao; mme maemo a bobedi ke a a dirisiwang mo go ditlolo-molao tse di umakiwang mo go Setlhopha sa 2 le sa 3 sa ditlolo-molao.
tueloyamothomongwe, batho, setlhophasabathokgotsasets.
kgapeletso ya go ya kwa lefelong le le rileng la thuto kgotsa lefelo thupello ya 40 tiro e e rileng, thuto kgotsa kala.
Taelo e e fetang paka e e umakilweng mo temaneng ya (a) e ka dirwa, mme fa go 60 le jalo, mabaka a go feta paka e e umakilweng a tshwanetswe go kwalwa mo rekotong ya tsheko.
Taelo e e fetang lobaka le le umakiwang mo go temana ya (a) e ka dirwa, mme fa go le jalo, mabaka a go feta paka e e umakilweng a tshwanetswe go kwala mo rekotong ya tsheko.
Magiseterata yo o umakiwang mo go molawana wa 42, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e ka laela ngwana go tlhagelela kwa kopanong ya setlhopha sa balelapa, go ya ka molawana wa 61 kgotsa mo botsereganying jwa motswa-setlhabelo le motlola-molao, go ya ka molawana wa 62, ka letsatsi, nako le lefelo tse di beilweng, kgotsa go laelo mofuta mongwe le mongwe wa go diragatsa bosiamisi mo mabakeng a a tshwanetseng mo boemong jwa mefuta ya phaposo ya kgetse mo tshekong e e umakiwang mo karolong ya molawana wa kgotsa wa , kgotsa mmogo le nngwe ya mefuta ya phaposo ya kgetse mo tshekong e e umakilweng mo karolong ya molawana wa le wa.
a Mo lobakeng lwa tlolo-molao e e umakiwang mo go Setlhopha sa 1 sa ditlolo-molao, mefuta ya diphaposo tsa kgetse mo tshekong jaaka di tlhagelela mo go molawana wa 533, di a dira mme di ka dirisiwa mmogo.
Mo lobakeng lwa tlolo-molao e e umakiwang mo go Setlhopha sa 2 sa ditlolo-molao le sa 3, mefuta ya phaposo ya kgetse mo tshekong e e tlhagelelang mo go molawana wa 53 , e a dira mme e ka dirisiwa mmogo, mmogo le nngwe le nngwe kgotsa e le dintsi ya mofuta ya ntlha, fa go tshwanetseng.
e seke ya bopega ka tselaeesa akaretseng bana ba bangwe ka ntlha ya tlhokego ya didiriswa, matlole kgotsa ka tsela e nngwe; mme e lemoge le go tlhaloganya maikutlo a maemo a motswa-setlhabelo.
mokgwa o o dirisiwang wa go sekaseka diteng tsa diporograma tsa phaposo ya kgetse mo tshekong, go netefatsa gore di supa kgato e e nang le bokao ebile e e lekanetseng mo tshenyegelong kgotsa kutlobotlhoko e e tlisitsweng ke ditlolo-molaotsedidirilwengkebana, go.
dikgato tsa go tlosa, mo melaong ya tsamaiso, diporograma tsa phaposo ya kgetse mo tshekong le baneelana-ka-tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong, fa go leng matshwanedi gona.
dikopo tsotlhe tsa tetlelelo ya semmuso, tshwanetse go dirwe ka tsona ka mokgwa le mo dinakong tsa khutliso, tse di beilweng mo togamaanong ya melao le melao ya tsamaiso, tse di dirisetswang tetlelelo ya semmuso.
e Leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo mo go tsa tlhabololo ya katlaatlelo loago, letshwanetselantshaseti.
ka teng, mo go porograma nngwe le nngwe le mo go moneelana-ka-tirelo mongwe le mongwe wa phaposo ya kgetse mo tshekong yo o letleletsweng semmuso go ya ka molawana ono.
g Tsamaiso ya boleng jwa tiisetso e tshwanetswe go dirwa ka mokgwa o o beilweng mabapi le porograma e e letleletsweng semmuso ya phaposo ya kgetse mo tshekong le moneelana ka tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong.
katlaatlelo loago, le tshwanetse go phasalatsa dintlha tsa porograma nngwe le nngwe le tsa moneelana ka tirelo mongwe le mongwe yo a letleletsweng kgotsa yo o ntshitsweng mo melaong ya tsamaiso, go ya ka molawana ono mo Kuranteng e e kwalang Melao mo lobakeng lwa malatsi a le 30 morago ga go newa tetlelelo ya semmuso kgotsa go ntshiwa mo melaong ya tsamaiso.
Molaodi-Kakaretso: Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo, yo o tshwanetseng go phatlalatsa phasalatso mo go batsaya-karolo ba ba tshwanetseng, ba ba tsayang karolo mo tsamaisong ya Molao ono.
umakiwang mo go molawana wa 42, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, e tshwanetse go tlhopha modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong kgotsa motho mongwe yo o matshwanedi, go ela tlhoko gore ngwana o latela taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong.
Tsamaiso e e tlhalosiwang mo go molawana wa 3 ga e thibele tharabololo nngwe mo molaong mongwe.
dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, morago ga go itsisiwe ka seno, ka mokgwa o o beilweng, ba ka ntsha lekwalo la tshwaro ya ngwana kgotsa ngwana a ka ntshetswa tagafara go ya ka molawana wa 19, gore a tlhagelele fa pele ga magiseterata, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana.
dire tshweetso ya gore go sa lateleng taelo ke phoso ya ngwana kgotsa nnyaya.
tshimologong, mme go na le mabaka a a fetotsweng kgotsa a a okeditsweng, kgotsa a se yo.
mofuta wa phaposo kgotsa mefuta ya phaposo ya kgetse mo tshekong jaaka e tlhalosiwa mo taelong ya phaposo ya kgetse mo tshekong; le dintlha tsa ngwana tse di ka ga go latela taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong.
Rejisetara e tshwanetswe go lebelelwa fela ke batho kgotsa mekgatlo e e tlhokang tshedimosetso e maikaelelo a yona a tlhalosiwang mo karolong ya molawana wa , jaaka go kailwe.
b Kopano ya setlhopha sa balelapa e dirwa fa fela motswa-setlhabelo mmogo le ngwana ba dumela gore e nne teng.
a ka go baya letlha, nako le lefelo le kopano e tla tshwarelwang kwa go lona; le b go tsaya dikgato go netefatsa gore batho botlhe ba ba ka tsenelang kopano, ba itsisiwe go sa le nako ka ga letlha, nako le lefelo la kopano.
letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong kgotsa moneelana-ka-tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong yo a umakilweng mo go molawana wa 56.
le viii mongwe le mongwe yo o letleletsweng ke motsereganyi wa setlhopha sa balelapa go tsenela kopano.
nako le lefelo kwa e neng e beetswe go nna kwa teng, modiredi wa tsamaisoeesa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, o tshwanetse go bitsa kopano nngwe, mo malatsing a le 21 go tloga ka letlha le kopano e neng e tshwanetswe go tshwarwa ka lona, jaaka go tlhalosiwa mo go molawana ono.
morago tsamaisoeeba dumalaneng ka yona le gona ba ka dumalana le togamaano mabapi le ngwana, go ya ka karolo ya molawana wa.
e akaretse mabaka mangwe a a leng ka ga thuto, tiro, boitapoloso le tsa maphelo a ngwana jaaka di tlhokagala; mme vii a akaretse mokgwa wa go ela tlhoko togamaano.
a Motsereganyi wa setlhopha sa balelapa oi tshwanetse go kwala dintlha le mabaka a togamaano nngwe le nngwe e go dumalanweng ka yona kwa kopanang ya setlhopha sa balelapa mme a neye ngwana, modiredi wa tsamaisoeesa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong kgotsa motho yo a umakiwang mo go molawana wa 571, khophi ya rekoto.
Fa kopano e sa diragale kgotsa fa ngwana a sa latele togamaano e go dumalanweng ka yona kwa kopanong ya setlhopha sa balelapa, modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao kgotsa motho, o tshwanetse go itsise magiseterata, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana ka lekwalo, mme molawana wa 58 o tla diragadiwa.
Botsereganyi jwa motswa-setlhabelo le motlola-molao go tewa tsamaiso e e seng ya semmuso e maikaelelo a yona e leng go kopanya ngwana yo o latofadiwang ka tlolo-molao le motswa-setlhabelo, mo go dirwang gona togamaano ya gore ngwana o tla baakanya jang ditlamorago tsa tlolo-molao.
Botsereganyi jwa motswa-setlhabelo le motlola-molao bo ka dirwa fa fela motswa-setlhabelo le ngwana ba dumela gore bo dirwe.
Fa ngwana a laetswe gore a tlhagelele kwa botsereganying jwa motswa-setlhabelo le motlola-molao, molawana wa 61 , , , , , le o a diragadiwa mmogo le diphetogo tse di leng ka fa tlhalosong ya ona.
Modiredi wa tsamaisoeesa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, yo o tlhophilweng ke magiseterata yo o umakilweng mo go molawana wa 42, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, e tshwanetse go bitsa botsereganyi jwa motswa-setlhabelo le motlola-molao.
Botsereganyi jwa motswa-setlhabelo le motlola-molao, bo tshwanetse jwa tseregangwa ke modiredi wa tsamaisoeesa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong kgotsa moneelana-ka-tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong yo o umakiwang mo go molawana wa 56 , o a tla etelelang pele tsamaiso e e tshwanetseng go latelwa kwa botsereganying.
Ngwana mongwe le mongwe yo kgetse ya gagwe e rometsweng kwa kgotlatshekelo ya ngwana go ya ka molawana wa 49 , o tshwanetse go tlhagelela kwa kgotlatshekelo e e nang le dithata tsa go reetsa kgetse e e jalo go ya ka Kgaolo eno.
itsise ngwana ka ga ditshwanelo tsa gagwe; mme a tlhalosetse ngwana ka ga ditsamaiso tse di tshwanetsweng go latelwa go ya ka Molao ono.
e tshwanetse gore mo dikgatong tsotlhe tsa tsheko, segolo-bogolo ka nako ya go ganetsa ngwana ka dipotso, e netefatse gore tsheko e matshwanedi mme ga e mafega le gona e siametse dingwaga le go tlhaloganya ga ngwana.
Ga go motho yo a tshwanetseng go nna teng ka nako nngwe le nngwe ya tsheko kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, kwa ntle fela fa go nna teng ga gagwe go tlhokagala mabapi le tsheko ya kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana kgotsa fa moreetsa-kgetse a mo neile tetla ya gore a nne teng.
Molawana wa 154 wa ''Criminal Procedure Act'' o a diragadiwa mmogo le diphetogo tse di tlhokegang go ya ka tlhaloso mabapi le phasalatso ya tshedimosetso.
Fa moreetsa-kgetse kwa kgotlatsheko ya bosiamisi ya ngwana, ka nako ya tsheko, a lemoga gore ngwana ke ngwana yo o tlhokang tlhokomelo le tshireletso tse di umakilweng mo go molawana wa 50, kgotlatshekelo e tshwanetse go dira go ya ka fa se molawana o se rayang.
Go ya ka karolo ya molawana wa le wa , ngwana o tshwanetswe go engwa nokeng ke motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, mo tshekong kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana.
Fa motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao a sa kgone go bonwa morago ga go tsaya matsapa a a leng matshwanedi, mme tiego nngwe gape e ka kgoreletsa dikgatlhegelo tse di molemo tsa ngwana kgotsa tsamaiso ya bosiamisi, kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e ka ntsha taelo ya gore ngwana a se thusiwe ke motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao.
Motsadi wa ngwana, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao yo o laetsweng ke magiseterata go ya ka molawana wa 49 , gore a nne teng kwa tshekong, o tshwanetse go nna teng kwa tshekong, kwa ntle fela ga fa a boleletswe gore a se ke a nna teng go ya ka karolo ya molawana wa.
Fa motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao a sa itsisiwe gore a nne teng jaaka go umakiwa mo karolong ya molawana wa , kgotlatshekelo ya ngwana, ka nako nngwe le nngwe ya tsheko, e ka kwalela kgotsa ya laela gore motsadi, mogolo yo o tshwanetsng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, a kwalelwe gore a nne teng mo tshekong.
Motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, yo a laetsweng go nna teng jaaka go umakiwa mo karolong ya molawana wa kgotsa yo o kwaletsweng lekwalo go ya ka karolo ya molawana wa , a ka dira kopo kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana gore e letlelelwe gore a se ke nna teng kwa tshekong, mme fa moreetsa-kgetse wa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana a letlelela motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, o tshwanetse go dira jalo ka lekwalo.
Fa ngwana a sa thusiwe ke motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao mme ngwana a kopa thuso, moreetsa-kgetse a ka tlhopha moela-tlhoko yo o ikemetseng, ka mokgwa o o tshwanetseng, gore a thuse ngwana.
Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e tshwanetse go konosetsa ditsheko tsotlhe tsa bana ka bonako jo bo ka kgonagalang mme e netefatse gore tsheko ga e busediwe kwa morago makgetlho a le mantsi go ya ka Molao ono.
c golotswe, kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, pele ga tshimilogo ya tsheko, ga e a tshwanela go busetsa tsheko morago lobaka lo lo fetang malatsi a le 60 ka nako e le nngwe.
yo kopo ya gagwe ya beili e iseng e konosediwe.
dira taelo ya gore tsheko e emisiwe.
Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e tshwanetse gore morago ga go bona ngwana molato, e ntshe katlholo go ya ka Kgaolo eno.
d netefatsa gore tlhokego nngwe le nngwe ya tlhokomelo, kaelo, maitsholo kgotsa ditirelo tsa di leng karolo ya katlholo, di thusa ngwana mo tsamaisong ya kamogelo; mme e go romelwa kwa kgolegelong e le yona tsela ya bofeloeeka dirisiwang mme e le fela lobaka lo lo khutshwane le le matshwanedi.
Go rotloetsa maikaelelo a katlholo a a umakiwang mo karolong ya molawana wa le go rotloetsa pusetso ya bosiamisi, dikatlholo di ka dirisiwa ka go kopanngwa.
Mo lobakeng lwa molawana ono, setatamente sa kamego ya motswa-setlhabelo go raya setatamente se se ikanisitsweng se se dirilweng ke motswa-setlhabelo kgotsa motho yo a letleletsweng ke motswa-setlhabelo go dira setatamente mo boemong jwa gagwe, mme se supa ditlamorago tsa mmele, tlhaloganyo, go tshela mmog le batho kgotsa maemo a tsa madi, tse di dirilweng ke tlolomolao mo go motswa-setlhabelo.
Fa diteng tsa setatamente sa motswa-setlhabelo sa ditlamorago di sa ganediwe, setatamente sa motswa-setlhabelo sa ditlamorago se amogelwa jaaka bopaki fa go neelanwa ka sona.
Modiredi wa tsamaisoeesa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, o tshwanetse go konosetsa ripoto ka bonako jo bo ka kgonegang mme e seng morago ga dibeke di le thataro morago ga letlha le ripoto e kopilweng ka lona.
Fa modiredi wa tsamaisoeesa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, a naya kgakololo ya gore ngwana a atlholelwe go romelwa kwa lefelong la tlhokomelo yangwanalemos.
letleleleng motlolamolao go ya kwa kgolegelong, go tswa mo mothong yo o tlhokometseng lefelo leo, mabapi le go nna teng ga bonno jwa ngwana yoo.
e ntsha katlholo e sele.
b go lemosa ngwana gore fa a sa latele taelo ya katlholo, seo se ka dira gore a tliswe gape kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana gore go tle go dirwe dipatlisiso go ya ka molawana wa 79.
tlhaloso ya go busediwa ga bosiamisi.
Fa e amogela dikgakololo go tswa kwa kopanong ya setlhopha sa balelapa, botsereganyi jwa motswa-setlhabelo le motlola-molao kgotsa tsamaiso nngwe le nngwe ya go busediwa ga bosiamisi, kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, e ka ntsha katlholo, ka go netefatsa, go fetola kgotsa go tsenya mo boemong jwa dikgakololo.
boemong jwa togamaano.
kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana gore go dirwe dipatlisiso go ya ka molawana wa 79.
duela faene, e ka nna ka gangwe fela kgotsa ka dipaka tse di farologaneng; le b akanye ka gore a fa ngwana a ka palelwa ke go duela faene, seno se ka dira gore ngwana a romelwe kwa kgolegelong.
a Letshwao la tuelo ya tshenyegelo mo go motho yo o rileng, batho, setlhopha sabathokgotsasets.
tswelangmothoyoorilengmosola, batho, setlhophasabathokgotsasets.
ngwana e akanyang gore o matshwanedi mo mabakeng ao.
kgotlatshekelo ripoto ya kgatelopele, ka mokgwa o o tshwanetseng, le go supa fa ngwana a latela taelo; le b go laela ngwana gore fa a sa latele taelo ya katlholo, go ka dira gore ngwana a tlisiwe gape fa pele ga kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana gore go tle go dirwe dipatlisiso go ya ka molawana wa 79.
b mo lobakeng lwa ngwana yo o nang le dingwaga tse di ka fa tlase ga 14, goya kamolawanawa276 (h)wa''CriminalProcedureAct''.
ya ka letlha le le leng gau. mo go ona.
go ya kwa kgolegelong lobaka lo lo sa feteng dingwaga di le lesome, fa go na le mabaka a a utlwagalang ebile a gapeletsa, mo godimo ga katlholo e e leng go ya ka karolo ya molawana wa , e ka atlholela ngwana katlholo ya go ya kgolegelong mme katlholo e e jalo ngwana a ka e dira morago ga go konosetsa lobaka lo lo leng go ya ka karolo ya molawana wa.
tsenye katlholo nngwe mo boemong jwa katlholo eo, e kgotlatshekelo e akanyang gore e matshwanedi mo tlase ga mabaka ao; kgotsa iii laela gore ngwana a gololwe, mo tlase ga ditaelo kgotsa kwa ntle ga ditaelo.
tshedimosetso e e jalo, mabapi le go nna teng ga bonno jwa ngwana yoo.
ga e a tshwanela go ntsha katlholo ya go ya kwa kgolegelong mo ngwaneng yo o ka fa tlase ga dingwaga di le 14, ka nako e a newang katlholo ka yona ka ntlha ya tlolomolao; mme fa e atlhola ngwana yo o nang le dingwaga di 14 kgotsa go feta, ka nako e a atlholelwang tlolomolao, e tshwanetse go dira jalo fela fa katlholo ya kwa kgolegelong e le yona fela e e leng matshwanedi mme e nne nako e khutshwanyane fela.
E ka ne molao mongwe o tlhalosa ka tsela e nngwe, fela ngwana yo o neng a le dingwaga di le 16 kgotsa go feta, ka nako e a neng a dira tlolo-molao e e umakiwang mo Setlhopheng sa 2 sa ditlolo-molao tse di leng mo go ''Criminal Law Amendment Act'' wa 1997 (Molao wa 105 wa 1997), o tshwanetse gore fa a bonwa molato, a atlholwe go ya ka molawana wa 51 wa Molao o o jalo.
Setlhopha sa 1, fa ngwana a na le rekoto ya ditlolo-molao tse a kileng a bonwa molato ka tsona mme go na le mabaka a le mantsinyana ebile a gapeletsa gore go newe katlholo ya go ya kwa kgolegelong.
Ngwana yo a umakiwang mo karolong ya molawana wa a ka newa katlholo ya go ya kwa kgolegelong lobaka lo lo sa feteng dingwaga di le 25.
Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e e buseditseng morago go ntshiwa ga katlholo go ya ka molawana wa ka lengwe kgotsa mangwe a mabaka, e tshwanetse go kopa modiredi wa tsamaisoeesa letleleleng motlola-molao yo o dirang ka kgetse e, gore a tlhokomele go bona gore ngwana o latela ditaelo tse a di neilweng mme a neele kgotlatshekelo ripoto ya tswelopele e e supang gore ngwana o latela ditaelo.
a Fa moreetsa-kgetse, ka nako nngwe le nngwe ya tsheko go ya ka Molao ono, a ka akanya gore moemedi wa semolao o dirile sengwe se se leng kgatlhanong le karolo ya molao wa 1, o tshwanetse gore a kwale ka se se sa mo itumediseng ka tsela ya go dira taelo e e akaretsang kgato yaeeka tsewang e le ya go siamisa taelo ya semmuso e e ka dirang gore sengwe se siamisiwe.
fa moemedi wa semolao a thapilwe ke Mokgatlho o o neelanang ka Thuso ya Semolao, Boto; kgotsa iii fa e le mmueledi-motona wa semolao, mokgatlho o mmoeledi-motona wa semolao yo a leng leloko la ona.
Ga go na sepe mo Molaong ono se se thibelang ngwana go nna le moemedi wa semolao kwa dipatlisisong tse di dirwang pele ga tsheko.
Ga go na ngwana yo a tlhagelelang kwa kgotla-tshekelokgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, yo o tshwanetseng gore ene ga a batle moemedi wa semolao.
Fa ngwna yo a umakiwang mo karolong ya molawana wa 1a sa batle go nna le moemedi wa semolao kgotsa a gana go tlhalosetsa moemedi wa semolao yo a mo neilweng, ka ga kgetse, kgotlatshekelo e tshwanetse go kwala jalo mo rekotong ya tsheko mme moemedi wa semolao o tshwanetse go tlhophelwa ngwana, go ya ka Kaedi ya Thuso ya Semolao e e umakiwang mo go molawana wa 3A wa ''Legal Aid Act'' wa 1969, Molao wa 22 wa 1969, yo o ka thusang ngwana ka mokgwa o o tshwanetseng.
Ngwana yo a umakiwang mo karolong ya molawana wa 1, o tshwanetse go itsisiwe ke moreetsa-kgetse ka ga ditshwanelo tsa gagwe mabapi le go dira aphili le ka ga kemedi ya semolao le ka ga tsamaiso e e siameng ya go diragatsa ditshwanelo tseno.
karolo ya molawana wa 1 ga e dirisiwe fa aphili e kwadilwe go ya ka molawana wa 84.
lobakeng lwa Setlhopha sa 2 sa ditlolomolao, kwa ntle ga gore e re mo lobakeng loo, ngwana a bo a bonwa molato ka tlolomolao e e tshwanang le yona kgotsa e e masisi go feta yona.
e go nang le rekoto ya yona, go tla dirisiwa kakanyo ya leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi.
Molaodi-Kakaretso: Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo, fa a sena go amogela lekwalo la kopo ya modirakopo yo o umakilweng mo ya molawana wa , o tshwanetse gontshaseti.
tloswe, fa ene Molaodi-Kakaretso a kgotsofetse gore ngwana o latela mofuta wa taelo e e tlhalosiwang mo karolong ya molawana wa.
Le fa go ya ka karolo ya molawana wa 1, leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi, morago ga go amogela lekwalo la kopo ka foromo eetshwanetseng, lekantshaseti.
ise le fele, fa leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi le kgotsofetse gore ngwana o latela mofuta wa taelo e e tlhalosiwang mo karolong ya molawana wa.
Sepodisi sa Aforika Borwa, gore go dirwe ka yona go ya ka karolo ya molawana wa.
Borwa, o tshwanetse gore, go ya ka kopo ya modira-kopo, ka lekwalo, a netefatse gore rekoto ya bosinyi ya ngwana e tlositswe.
a bonwe molato, a ka duedisiwa faene kgotsa a romelwa kwa kgolegelong lobaka lo lo sa feteng dingwaga di le 10 kgotsa tsona faene mmogo le go isiwa kgolegelong.
tshekong e e dirilweng mabapi le ngwana go ya ka Molao ono, ka letlha le ngwana a tshwarang dingwaga di le 21, kwa ntle ga fa ngwana a bonwe molato ka tlolomolao nngwe pele ga letlha leo kgotsa fa a sa latela taelo eno ya phaposo ya kgetse mo tshekong.
Leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi, morago ga go akanya ka ga ditshitshinyo tse di dirilweng ke Boto ya Melao ka ga Melao ya Dikgotlatshekelo, e e tlhamilweng ke molawana wa 2 wa Boto ya Melao ka ga Melao ya Dikgotlatshekelo, 1985 (Molao wa 107 of 1985), a ka dira le go tsenya tirisong melao mabapi le lebaka lengwe le lengwe la Molao ono.
Molao mongwe le mongwe o o dirilweng go ya ka karolo ya molawana wa 1, pele o phasaladiwa mo Kuranteng ya Melao, o tshwanetse go letlelelwa ke Palamente.
Leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi, mmogo le maloko a Kabinete a a nang le maikarabelo mo go tsa tlhabololo ya katlaatlelo loago, polokego le tshireletso le ditirelo tsa tshiamiso, ba ka tlhoma mafelo a a tla bidiwang Mafelo a Bosiamisi a Ngwana.
Leloko lengwe le lengwe la Kabinete le le umakiwang mo karolong ya molawana wa , le na le maikarabelo a go neelana ka didiriswa le ditirelo mo mafapheng a bona ka go farologana jaaka ba dumalane, go kgontsha Lefelo la Bosiamisi la Ngwana go dira sentle.
kgotlatshekelo ya bana; le sediriswa sengwe le sengwe.
a Lefelo lengwe le lengwe la Bosiamisi la Ngwana le tshwanetse go tlhoma komiti ya tsamaiso, e e nang le badiri ba maemo a a kwa godimo ba Lefapha la Bosiamisi le Ntshetsopele ya Molaotheo, Ntshetsopele ya Katlaatlelo loago le Ditirelo tsa Tshiamiso mmogo le Ditirelo tsa Sepodisi sa Aforika Borwa, Boto ya Neelano ya Thuso ya Semolao le mafapha mangwe a a tsamaisanang le ona a puso.
Komiti-tsamaiso e ka laletsa batho kwa dikopanong tsa yona, fa go tlhokega, go tla go thusa ka tsa setegeniki, tshegetso le kgakololo.
Komiti-tsamaiso e e umakilweng mo temaneng ya (a), e tshwanetse go kopana gangwe mo dikgweding di le tharo.
oketsa kgotsa ya fokotsa ditikologo tsa Lefelo lengwe le lengwe la Bosiamisi jwa Ngwana; le gogela morago kgotsa go fetola kitsiso ka fa tlase ga karolo ya molawana.
Lefapha la Ditirelo tsa Selegae, le tshwanetse go begela gape magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, ngwana le motsadi wa gagwe, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, ka mokgwa o o beilweng ke leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi, mmogo le leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a tsa kwa lefapheng la ditirelo tsa selegae, gore dingwaga di kwadisitswe.
tlhola togamaano ya molao mo dingwageng di le tharo morago ga phasaladiwa mo Kuranteng ya Molao, le bonnye, gangwe fela morago ga dingwaga di le tlhano morago ga foo; le go tlisa diphetogo mo togamaanong ya molao fa di tlhokega, mme fa go le jalo, diphetogo tseo di tshwanetswe go tshitshingwa kwa Palamenteng mme di phasaladiwe mo Kuranteng ya Molao gore batho ba ntshe dikakanyo tsa bona, jaaka go tlhalosiwa mo go temana ya (b).
Go tlhomiwa fano Komiti e e bediwang Komiti ya Motlhakanelwa ya Bosiamisi ya Ngwana.
Leloko la Komiti ya Motlhakanelwa, le ka tlhopha modiri wa maemo a kwa godimo ka fa Lefapheng la lona go nna moemedi go tsenela kopano ya Komiti mo boemeng jwa gagwe.
a Komiti ya Motlhakanelwa e tshwanetse go tlhopha mongwe wa maloko a yona jaaka motlatsa modulasetulo wa Komiti ya Motlhakanelwa, mme fa modula-setulo a se teng, motlatsa modulasetulo o tsena mo legatong la modulasetulo.
Fa modula-setulo le motlatsa modulasetulo ba se teng, maloko a a leng teng mo kopanong a tshwanetse go tlhopha motho mo go bona yo o tla tsamaisang kopano.
kopana bonnye gabedi mo ngwageng mongwe le mongwe, ka letlha le nako le kwa lefelong le le tlhophilweng ke modulasetulo; le begela leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo mo tsamaisong ya bosiamisi, ka lekwalo, mo lobakeng la kgwedi e le nngwe morago ga kopano nngwe le nngwe.
bana ba ba se nang kitso ya bosenyi jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 7 ; le xii lebaka lengwe le lengwe le le tsamaisanang le tse di jalo.
mo lobakeng la ngwaga morago ga tshimilogo ya Molao ono, a neele Palamente diripoto tse di tswang mo Lefapheng kgotsa mo mokgatlhong mongwe le mongwe, o o umakilweng mo go molawana wa 94 , fa Molao ono o tsengwa tirisong; mme ngwaga mongwe le mongwe morago ga foo, a neele Palamente diripoto tseo.
go tlhalosiwa mo go molawana wa 7 kgotsa gore a bonnye jwa dingwaga tsa kitso ya bosenyi di tshwanetse go tlhatlosiwa.
akanya ka ga yona.
ditirelo tsa tshiamiso le maphelo, le ka dira melawana mabapi le lebaka lenngwe le lenngwe le le leng go ya ka fa tlhokegong kgotsa ka fa tetlelelong ya Molao ono, go tlhalosiwa ke molawana kgotsa lebaka lengwe le lengwe le le tlhokegang kgotsa le le bonakogotlhalosa, goregotlego.tlhelelwemaikaeleloaMoloaoono.
bewa fa pele ga Palamente gore e tle e e letlelele.
mo go molawana wa 11 ; mme b mmogo le leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo mo go tsa matlotlo, le tlhotlhomise ditulelo tsa tshegetso le megolo ya batho bao.
i mabapi le mabaka otlhe a a leng botlhokwa kgotsa bonako go ka neelana ka ona gorego.
e di letlelele, pele di phasaladiwa mo Kuranteng ya Molao.
Molao ono o similola go dira.
d Taelo nngwe le nngwe e e ntshitsweng go ya ka molawana ono, e ka fetolwa kgotsa ya gogelwa morago.
go dira kgonagalo le go rotloetsa tiriso ya maitsholo a a tshwanang a a solofetsweng, maemoleditsamaiso, gonetefatsagorebats.huts.hisibotlheba kgona go dira ka dikgetse tsa bosiamisi jwa ngwana, ka tsela e e matshwanedi, go dira sentle kwa ntle ga go senya nako le ka kelotlhoko le go tlhaloganya maikutlo a batho ba bangwe.
Ditaelo tsa ntlha tse di ntshiwang, di tshwanetswe go neelwa Palamente pele Molao ono o tsengwa tirisong.
Ditaelo dingwe le dingwe tse di ntshiwang go ya ka fa karolong ya molawana ono, di ka fetolwa kgotsa tsa gogelwa morago.
akaretsa katiso ya bathoeeba thusang mabapi le bosiamisi jwa ngwana; le iii go dira kgonagalo le go rotloetsa tiriso e e tshwanang ya mokgwa wa maitsholo, maemo le ditsamaiso, go netefatsa gore mapodisi otlhe a kgona go dira ka dikgetse tsa bosiamisi jwa ngwana ka tsela e e matshwanedi, e e dirang sentle kwa ntle ga go senya nako le kelotlhoko, le go naganela maikutlo a batho ba bangwe.
a Molaodi-Kakaretso: Tlhabololo ya Katlaatlelo Loago kgotsa motho mongwe le mongwe yo o neilweng dithata ke ene, o tshwanetse go kwala rejisetara jaaka e tlhalosiwa, ya bana ba go dirilweng tshweetso ebile e kwadilwe ke modiredi wa tsamaisoeesa letleleleng motlolamolao go ya kwa kgolegelong, go ya ka molawana wa 96.
tshweetso e e neng e dirilwe mabapi le ngwana; le iv dintlha tsa ngwana tsa go latela tshweetso, fa go tlhokega.
Ga se batho botlhe ba ba tshwanetseng go bona rejisetara, jaaka go tlhalosiwa, mme e tshwanetse ya nna fela batho kgotsa mekgatlho e e batlang tshedimosetso gore ba nne le rekoto, go ela tlhoko le go dira dipatlisiso.
mekgabiso le ditebego tsa lefelo lengwe le lengwe; le maemo a tshireletso a a leng mo lefelong lengwe le lengwe.
akaretse katiso e e dirang gore batho ba dire se se kgonagalang mabapi le bosiamisi jwa ngwana; le iii neelano le thotloetso ya tiriso ya maitsholo a a tshwanang ebile a a solofetsweng, maemo le ditsamaiso, go netefatsa gore badiri botlhe mo mafapheng a bona, ba kgona go dira ka dikgetse tsa bosiamisi jwa ngwana ka tsela e e matshwanedi, e e dirang sentle kwa ntle ga go senya nako le ka kelotlhoko le go tlhaloganya maikutlo a batho ba bangwe.
Ditsheko tsotlhe tse mo go tsona bana ba latofadiwang ka tlolomolao, tse di neng di tlhatlhetswe pele ga go simolola ga Molao ono, mme di sa konosediwa pele ga go simolola ga Molao ono, di tshwanetse go tswela pele mme di konosediwe ka gotlhe e kete Molao ono ga o ise o letlelelwe.
Melawana ya ntlha e e umakiwang mo go molawana wa 97 , e tshwanetse go kwalwa ka tatelano kwa Palamenteng gore e tle e e letlelelwe pele ga letlha la 1 Sedimonthole 2009, mme e tshwanetse go letlelelwa pele Molao ono o simolola, mme fa go sa nne jalo, e tla tsewa gore e letleletswe ke Palamente.
a Leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a tsa tsamaiso ya bosiamisi, le ka fetola ditlhwatlhwa tse di tlhotlhomisitsweng mo go Setlhopha sa 1, 2 le 3 sa Molao ono mo Kuranteng ya Molao.
Tlhwatlhwa nngwe le nngwe e e fetotsweng e tlhalosiwa mo temaneng ya (a), pele ga phasalatso mo Kuranteng ya Molao, e tshwanetswe go newa le go letlelelwa ke Palamente.
o kwadilweng, go amogela thoto e e utswitsweng o itse gore e utswitswe kgotsa bogodu ka tsela ya maaka, mo madi a a akarediwang a sa fete R2 500.
Go senyetsa motho thoto ya gagwe ka swele, mo madi a a akrediwang a s fete R1 500.
Go tlhasela motho mme a sa ntshiwa kotsi e e masisi.
Go dira setatamente sa maaka.
Go nyatsa taelo ya kgotlatshekelo.
Maitsholo kgotsa puo e e utlwisang motho botlhoko kgotsa e e supang go tlhoka tlhompho mo Modimong kgotsa bodumeding.
Go dira sengwe se se sa siamang go nna se se sa siamang thata.
Go utlwisa maikutlo a mongwe botlhoko.
Maitsholo a go akangwang gore a tlhola ketsaetsego mo go tsa thobalano mme 25 a sa amogelesege mo mothong mongwe.
Tlolo-molao nngwe le nngwe e e leng ka ga go tshola diritibatsi tse di sa 40 dumelelwang ke molao, kwa ntle ga tlolomolao e e umakiwang mo go Item ya 17 ya Setlhopha seno, mo bontsi jo bo akarediwang bo sa feteng R500 ka tlhwatlhwa.
Tlolo-molao nngwe le nngwe e e kwadilweng mo molaong, e bogolo jwa kotlhao jo bo beilweng ke molao, e le go romolwa kwa kgolegelong lobaka lo 45 lo sa feteng dikgwedi di le tharo kgotsa faene ya lobaka loo, e e badilweng go ya ka ''Adjustment of Fines Act'' wa 1991, (Molao wa 101 wa 1991).
Morero wa go dira tlolo-molao, go tlhotlheletsa motho go dira tlolo-molao kgotsa maiteko a go dira tlolo-molao nngwe le nngwe e e umakiwang mo Setlhopheng seno.
Bogodu, e ka ne e le go ya ka molaooosa kwalwang kgotsa molao o o kwadilweng, go amogela thoto e e utswitsweng ka kitso ya gore e utswitswe, 5 bogodu ka tsela ya go bua maaka, mo madi a a akarediwang a feta R2 500.
Go kgothosa, e seng ka go dirisa sebolai.
Go senyetsa motho thoto ya gagwe ka swele, mo madi a a akarediwang a sa feteng R1 500.
Go tlhasela motho, mo go akaretsang go ntsha dikgobalo tse di kotsi.
Tiriso-dikgoka ya fa phatlhalatseng.
Go bolaya e se ka maikemisetso.
Go thuba mo tlung, e ka ne e le go ya ka molaongoosa kwadiwang kgotsa o o kwadilweng, ka maikemisetso a go dira tlolo-molao.
Go tshelela motho botlhole.
Go baya ngwana mo maemongaaka dirang gore a dire tlolomolao.
Go gapa motho ka dikgoka.
Tshwenya setopo sa motho yo o tlhokafetseng kgotla go tshwenya lebitla.
Go kgoreletsa tsamaiso ya bosiamisi.
Tlolo-molao nngwe le nngwe e e umakilweng mo go molawana wa 1 kgotsa 1A wa ''Intimidation Act'' wa 1982 (Molao wa 72 wa 1982).
Sengwe le sengwe se se kgatlhanong le molawana wa 2 wa ''Animals Protection Act'' wa 1962 (Molao wa 71 wa 1962).
Tlolo-molao nngwe le nngwe e e leng ka ga go tshola diritibatsi tse di sa letlelelwang ke molao, tse di bakang tlwaelo mo mmeleng wa motho fa a di dirisa, kwa ntle ga tlolo-molao nngwe le nngwe e e umakiwang mo go Item 24 ya Setlhopha, tse di akarediwang mme di feta R500 fela di sa fete R5 000 ka tlhwatlhwa.
Tlolo-molao nngwe le nngwe ya molao o o kwadilweng, mo bogolo jwa kotlo jo bo beilweng ke molao e le go romelwa kwa kgolegelong lobaka lo lo sa feteng dikgwedi di le tharo mme ka fa tlase ga dingwaga di le tlhano kgotsa faene mo lobakeng leo, e badilwe go ya ka ''Adjustment of Fines Act'' wa 1991 (Molao wa 101 wa 1991).
Morero mongwe le mongwe wa go dira tlolo-molao, go tlhotlheletsa motho go dira tlolo-molao nngwe le nngwe e e umakiwang mo Setlhopheng seno.
Tlolo-molaoeeka nnang kotsi go Naga.
Go dirisa mantsweaaka dirang gore batho ba tsogele puso kgatlhanong.
Go tshosetsa motho gore a go neya sengwe.
Go gapa motho ka dikgoka.
go tshola dithunya, dithuthupi kgotsa dibolai tse di seng mo molaong.
Tlolo-molao nngwe le nngwe e e leng go ya ka molao mongwe le mongwe o o leng ka ga go tshola, go se ka fa molaong, diritibatsi tse di bakang tlwaelo mo mmeleng fa di dirisiwa, kwa ntle ga tlolomolao e e umakiwang mo go Item 21.
Tlolo-molao nngwe le nngwe e e kwadilweng mo molaong, fa bogolo jwa kotlo jo bo beilweng go ya ka molao e leng go romela kwa kgolegelong lobaka lo lo fetang dingwaga di le tlhano kgotsa faene mo boiemong jwa lobaka loo, e badilwe go ya ka ''Adjustment of Fines Act'' wa 1991 (Molalo wa 101 wa 1991).
Morero mongwe le mongwe wa go dira tlolo-molao, go tlhotlheletsa motho kgotsa batho go nna kgatlhanong le puso kgotsa maiteko a go dira tlolomolao e e umakilweng mo Setlhopheng seno.
e Go phimolwa ga molawana wa 71.
ka go tlosa temana ya b ya karolo ya molawana wa le temana ya (b) ya karolo ya molawana wa.
h Go tloswa ga molawana wa 74.
k Go tloswa ga molawana wa 254.
m Go phimolwa ga molawana wa 290.
n Go phimolwa ga molawana wa 291.
ka go tlosa temana ya c ya karolo ya molawana wa.
g Go tloswa ga molawana 4B.
Go romelwa lefelong la kala.
<fn>2008_tradcourts_pfrmw_setswana.txt</fn>
Boeteledipele jwa setso bo na le seabe se se botlhokwa mo merafeng ya setso malebana le tsamaiso ya bosiamisi. Ke karolo ya boswa jwa ngwao ya batho ba Seaforika e bile e letlwa ke Molaotheo.
Moalo wa setso o ntse o le teng fa e sale go tswa kwa ga lowe mme tsamaiso ya molao ya Aforika Borwa e lemoga ntlha e. Batho ba bantsi ba ba nnang kwa mafelong a setso ba ikobela melawana ya melao ya setso le go tlamparela tsamaiso ya kgotlatshekelo ya setso e e dirisang molao wa mothale o. Bokana ka batho ba le dimilione tse 14 ke karolo ya merafe ya setso mo diporofenseng tsotlhe tsa Aforika Borwa ntle le Kapa Bophirima.
Setheo sa boeteledipele jwa setso se na le seabe sa botlhokwa mo go rotloetseng momagano ya loago, kagiso le mowa o o edileng mo setšhabeng. Mo karolong e ya tsamaiso ya bosiamisi, baeteledipele ba setso ba rarabololola dikgotlang ka dikgotlatshekelo tsa setso kgotsa Makgotla. Botlhokwa jwa Makgotla a bo tswa mo ntlheng ya gore a gaufi le merafe e e bile a dirisa puo le mekgwa e setšhaba seo se e tlhaloganyang botoka go na le ditsela tse di dirisiwang ke dikgotlatshekelo tsa segompieno. Moeteledipele wa setso le bagakolodi ba gagwe ba tsena lekgotla, go reetsa bopaki jwa bangongoregi le "balatofadiwa", mme ba rarabolole dikgotlang go ya ka ditsamaiso le meetlo ya setso e e dirisiwang mo setšhabeng se se amegang. Fa e bapisiwa le kgotlatshekelo ya segompieno, makgotla ga a e kaelwe ke melao e e rileng kgotsa e e kwadilweng. A kaelwa ke ngwao le setso sa setšhaba se a dirang mo go sona. Ka tsela e, bosiamisi bo diragadiwa bonolo e bile ka bonako.
Ntlo ya Bosetšhaba ya Baeteledipele ba Setso e ne ya tlhongwa go ya ka Molao wa Bosetšhaba wa Ntlo ya Baeteledipele ba Setso (National House of Baeteledipele ba setso Act) wa 1997 mme e dira kwa maemong a bosetšhaba, lenaneo le le latelang le supa maemo a ga jaana a Matlo tsa Porofense le tsa Selegae mo diporofenseng.
Mo morafeng mongwe le mongwe o o ka fa tlase ga moeteledipele wa setso, lekgotla la setso le tshwanetse go tlhamiwa le go amogelwa.
Pono ya letlhomeso le la pholisi ke go amogela botlhokwa jwa setheo sa boeteledipele jwa setso mo tsamaisong ya bosiamisi, e leng go rotloetsa phitlhelelego ya bosiamisi le go nna le seabe mo tokafatsong ya botshelo go botlhe.
Maitlhomo magolo a setlankana se sa pholisi ke go nyalanya tsamaiso ya bosiamisi jwa setso le Molaotheo.
Molao wa Tsamaiso ya Bantsho (The Black Administration Act), e leng lesaledi la metheo ya tlhaolele go ya ka mmala, o ne wa phimolwa ka Ngwanatsele 2005. Se se ne sa oketsa tlhokego ya molao o o emelang oo go lekanyetsa seabe sa baeteledipele ba setso mo tsamisong ya bosiamisi. Ditlamelo tse dingwe tsa Molao wa Tsamaiso ya Bantsho di ne tsa tlogelwa go dira go fitlha ka 30 Seetebosigo 2008. Letlhomeso la pholisi le le leng mo setlankaneng se le ikaelela go nna motheo wa molao o o lebeletsweng wa go tlamela ka seabe le ditiro tsa baeteledipele ba setso mo tsamaisong ya bosiamisi.
Setlankana se sa pholisi ke motswako wa ditlhotlhomiso tsa dikwalwa, ditlhotlhomiso tsa dipapiso tsa maphata a mangwe, ga mmogo le ditherisano le baeteledipele ba setso, mafapha a puso a a ikarabelang mo mererong ya setso, le bannaleseabe ba bangwe mo lekaleng la molao wa setso. Tona le batlhankedi ba bangwe ba ne ba tsaya loeto lwa thuto go ela tlhoko tsamaiso ya dingwao kwa India le Botswana. Tshedimosetso e nngwe e ne ya bonwa go tswa mo khomferenseng ya boditšhaba ka ga ditheo tsa setso, e e neng e tshwaretswe kwa Durban ka Motsheganong 2007, le go tswa mo Khomferenseng ya Bommagiseterata e e neng e tshwaretswe kwa Midrand ka Lwetse 2007. Kwa dikhomferenseng tse, dibui tsa bosetšhaba le tsa boditšhaba di ne tsa abelana ka maitemogelo a tsona ka ga ditheo tsa setso le seabe se ditheo tse di nang naso mo tsamaisong ya bosiamisi.
Ditlhopho tsa 1994 tsa temokerasi di tlisitse tsamiso e ntšhwa ya temokerasi. Tsamaiso e e nnile motheo wa go tebosešwa ya melao le ditlwaelo tse di neng di le teng pele ga 1994. Setlankana se sa pholisi se kobile seabe le ditiro tsa baeteledipele ba setso ka fa tlase ga paka e ntšhwa ya temokerasi, mo tsamaisong ya bosiamisi.
Setheo sa boeteledipele jwa setso se tsaya lefelo le le botlhokwa thata mo botshelong jwa Seaforika mme, go ya ka hisiterori, mo popegong ya sepolotiki ya Aforika Borwa. Se akaretsa go somarelwa ga ngwao, ditso, ditlwaelo le meono ya batho ba Aforika, e bile gape se emetse mefuta ya maloba ya thulagano le puso ya setšhaba. Le fa go le jalo, fa Aforika Borwa a ne a amogela Molaotheo wa Nakwana, Molaotheo wa 1996 moragonyana, batho ba rona ba ne ba goeletsa Rephaboliki ya Aforika Borwa e le naga e e lolameng ya temokerasing e e theilweng mo meonong e e akaretsang, go akaretsa bogolo jwa Molaotheo. Se se ne sa tlisa paka e ntšhwa.
Morago ga ditlhopho tsa 1994, puso e ntšhwa e ne ya samagana le ntlha ya go fetolwa ga naga ya Aforika Borwa. Se se akaretsa go fetolwa ga ditheo tsa puso go ya ka tsamaiso e ntšhwa ya temokerasi le melawana ya Molaotheo jaaka tekatekano le go se kgetholole. Nngwe ya tsona e ne e le setheo sa boeteledipele jwa setso. Fela jaaka ba ba tlileng pele ga rona mo kontinenteng ya Aforika, re ne ra lebagana le kgwetlho e e tshwanang ya go tlhalosa lefelo le seabe sa setheo sa boeteledipele jwa setso mo tsamaisong e ntšhwa ya puso ya rona. Molaotheo o mošwa o tlhomile motheo wa se le go golaganya puso e ntšhwa go tlhoma melao e e tla samaganang le ntlha e ka botlalo.
oketsa bokgoni jwa le koketso ya phitlhelelego ya makgotla; le tlhoma maatla a makgotla mo mabakeng a bosenyi le a kakaretso le go tlhoma ditsela tse di laolang makgotla.
Ditlhaelo tsa tsamaiso ya makgotla di tshwanetse go fetolwa go fitlhelela ditlhokego tsa Molaotheo o mošwa.
Mo kgaolong e e latelang (Kgaolo 2), go tlhaloswa seabe sa hisitori sa boeteledipele jwa setso. Kgaolo e e leka go tlhagisa le go tlamela ka lemorago la seabe sa boeteledipele jwa setso mo tsamaisong ya bosiamisi pele ga go tsena tirisong ga Molaotheo. E leba ka boripana paka ya bokoloniale, paka ya tlhaolele go akaretsa paka ya dinagamagae le dinaga tse di ipusang, le paka ya pele fela ga paka ya molaotheo o mošwa.
Kgaolo 3 e leba ditlhotlhomiso tsa papiso ya ditsamaiso tsa bosiamisi jwa setso mo dinageng dingwe tsa Aforika le tsa Bophirima, ga mmogo le dintlha ka kakaretso tse di tlhagisang tsamaiso ya setso ya Aforika Borwa. Kgaolo 4 e leba diphetogo tse di tliswang ke tsamaiso ya Molaotheo o mošwa, fa Kgaolo 5 yona e naya tshosobanyo ya dikgwetlho tse di lebaganeng boeteledipele jwa setso mo pakeng ya Molaotheo o mošwa. Kgaolo ya bofelo (Kgaolo 6) e kobile mekgwa ya pholisi e e nyalanang le tsamaiso ya bosiamisi jwa setso mo Aforika Borwa le go tlamela ka letlhomeso la molao o o ikaelelang go diragatsa letlhomeso le la pholisi.
Kgaolo 7 e na le bokhutlo jo bo neelang tshosobanyo ya tsela ya ditherisano tse di dirilweng go tlhoma letlhomeso le la pholisi.
Seabe sa ditheo tsa setso mo tsamaisong ya bosiamisi se ka lejwa kwa morago go tloga kwa ga lowe. Bennet³ o tlhalosa gore setho sa boeteledipele jwa setso se simolotswe bogologolo fa merafe ya ditumelo tse di tshwanang le bogosi e ne e newa lefatshe la bonno le phulo. Moeteledipele o ne a nna kwa tlhogong ya puso ya setso mme kwa tlase ga gagwe go nna le maphata a mabedi a thata: moeteledipele wa mophato le moeteledipele wa lelapa. Moeteledipele o ne a na le seabe sa boeteledipele mo mabakeng otlhe a botshelo jwa morafe, go tloga go tlhabololo ya metseselegae go ya go go etelela pele sesole ka nako ya dintwa le go rarabolola dikgotlang mo morafeng. Puso ya setso e ne e farologana le dikgolo tsa segompieno tsa temokerasi. E ne e sa amogelwa molawana wa go farologanngwa ga maatla le tiro ya yona e ne e akaretsa dintlha tse di malebana le bokgoni jwa boatlhodi, botsamaisi le melao.4 Seabe sa setheo se se botlhokwa mo go tlhaloganyeng dikgwetlho tse se lebaganeng natso ka fa tlase ga tsamaiso ya ga jaana ya temokerasi. Go amogelwa ga makgotla a baeteledipele ba setso, go builwe ka kakaretso, gore go botlhokwa ka ntlha ya fa a beetse ba ba ka fa tlase ga tsamaiso ya ona, melao le ditsamaiso tse ba neng ba di tlwaetse.
Go tla ga bokoloniale go tlise phetogo gotlhelele mo tsamaisong ya bosiamisi ka boeteledipele ba setso. Dipuso tsa koloniale le tlhaolele di tsene gare ditheo tsa go diragatsa bosiamisi ka go tlhoma dikgotlatshekelo tse di ikemetseng tsa batho ba Maaforika. Go amogelwa ga "Dikgotlatshekelo tsa Dikgosi" ka paka ya koloniale go ne go bonwa jaaka karolo e e botlhokwa ya tsamaiso ya koloniale ka fa tlase ga pholisi ya puso e e sa tlhamalalang.5 Pholisi ya puso e e sa tlhamalalang, ntle le go tlhokega mo mabakeng a tsamaiso mo tswelelopeleng ya teko ya sekoloniale, e ne e kaiwa e ikaegile ka ntlha ya gore go na le mokhino wa setso magareng ga bakoloniale le setšhaba sa Maaforika o o neng o tlhoka gore merero ya Maaforika e tsamaisiwe kwa ntle ga ditheo le dipopego tseo tse di beetsweng setšhaba sa Basweu.
Go ya ka Olivier, kwa bokhutlong jwa paka jwa Koloni ya British mo Aforika (magareng ga 1957 le 1967), go ne go na le sebedi sa semolao. Go ne go na le tsamaiso ya kgotlatshekelo e e neng e golaganya molao o o tswang ntle (bophirima) le molao wa setso.
Le fa Maaforika a ne a sa ntse a dirisa dikgotlatshekelo tse mo pakeng e, go ne ga tsoga dingongorego ka tiro ya tsona. Dikgotlatshekelo tse, fela jaaka dintlha tse dingwe tsa setšhaba sa setso sa Seaforika, di ne di tletse kgatelelo ka banna. Kgethololo go ya ka bong mo kgotlatshekelo e ne e tlisa ngongorego. Mo ditšhabeng tse dingwe, basadi ba ne ba sa letlwe go ela tlhoko kgotsa go nna le seabe mo ditiragalong tsa "Dikgotlatshekelo tsa Dikgosi", ntle le bangongoregi, mme ke fa fela ba ne ba thusiwa ke banna.8 "Dikgotlatshekelo tsa Dikgosi" di ne di sa ntse di tsewa jaaka tsela e e mosola e bile e ratiwa ya go rarabolola dikgotlhang ka bonako, go lebilwe tlhago ya tsona le gore di fitlhelelega bonolo, ga di tlhwatlhwagodimo (ke mahala) e bile ke tsamaiso e e bonolo ya bosiamisi.
Morago ga go kopana ga dikoloni tse nne ka 1910, "Makgotla a Dikgosi" a ne a dirisiwa go rotloetsa bosemorafe. Ga a ka a itumelela kamogelo ya semmuso pele ga 1927. Pholisi ya Borithane ya taolo e e sa tlhamalalang e ne ya dirisiwa go laola le go dirisa dithata tsa ona botlhaswa.
Ka ntlha ya go diragadiwa ga Molao wa Tsamaiso ya Bantsho, "Dikgosi" e ne ya nna didiriswa tsa puso, di diragatsa thata le go tlhoma makgotla, e sa tlhole e le go ya ka go direla batho, mme e le ka go direla puso ya nako eo. Ka fa tlase ga tsamaiso ya sekoloniale ya taolo e e sa tlhamalalang le ka fa tlase ga dipuso tse di neng tsa latela tsa tlhaolele, "Makgotla a Dikgosi" a ne a dirisiwa botlhaswa ke puso mo go maswe ka tiriso ya dithata tse di anameng tse ka tsona maemo, seabe le ditiro tsa "Dikgosi" le "Makgotla a Dikgosi" a neng a dirisiwa go tswela puso mosola.
Mo pakeng e, tsamaiso ya setso e telele ya tshekatsheko e ka yona moeteledipele wa setso a neng a busa ka yona go ya ka kgakololo ya balekgotla ba gagwe le go ya ka dikeletso tsa morafe wa gagwe e ne ya senngwa mme boemong jwa yona ga tsenngwa tsamaiso e mo go yona "Dikgosi" di neng tsa bewa ka fa tlase ga tlhokomelo ya Moleutenete-Kakaretso mme morago ka fa tlase ga Moporesitente wa Naga yo o neng a tshotse kantoro ya Kgosi-Kgolo mo dipakeng bokoloniale le tlhaolele. Go kgona go tsweletsa taolo, go ne ga tlholwa tsamaiso e go ya ka yona dikgotlatshekelo tsa Bokomišenara (tse di neng di eteletswe pele ke Basweu) di neng di dira jaaka dikgotlatshekelo tsa boikuelo kgatlhanong le ditshwetso tsa "Dikgosi".
Ditlamorago tsa go tsenngwa ga makgotla a baeteledipele ba setso mo tsamaisong ya bosiamisi ya bosetšhaba e ne ya nna tsamaiso e e maphatamabedi ya semolao e mo go yona dikgotlatshekelo tsa mokgwa wa Bophirima di neng di diragatsa bosiamisi go ya ka "molao wa lefatshe", fa "Makgotla a Dikgotsi" a e seng a semmuso le Dikgotlatshekelo tsa Bokhomišenara di diragatsa molao go ya ka molao wa setso. Ntlha ya "maphatamabedi" e ne ya baya "Makgotla a Dikgosi" mo maemong a a kwa tlase mo dikgotlatshekelong tsa semmuso mme e bonala e ikgatholosa tekatekano. Le fa go le jalo, maikutlo ka kakaretso a batho ba le bantsi e ne e le gore "Makgotla a Dikgosi" a kwa tlase.
Dikgotlatshekelo tsa Bokhomišenara di ne tsa phimolwa ka 1986 ke Molao wa Phimolo ya Dikgotlatshekelo tse di Kgethegileng tsa Bantsho (Special Courts for Blacks Abolition Act), 1986 (Molao 34 wa 1986), mme "Makgotla a Dikgosi le Baeteledipele" a ne a tlogelwa. Se e nnile ka ntlha ya katlenegiso ya Khomišene ya Hoexter ka 1983.
Go tlhongwa ga dinagamagae le dinaga tse di ipusang go ne ga tlisa diphetogo mo tsamaisong ya makgotla. Dinagamagae le dinaga tse di ipusang di ne tsa newa maatla a go laola merero ya makgotla a tsona. Se se ne sa dira gore dinagamagae le dinaga tse di ipusang tse di farologaneng di dirise ditsela tse di farologaneng tsa tsamaiso ya "Makgotla a Dikgosi", di tlhotlhelediwa ke ditso le ngwao e e laolang mo mafelong a tsona.
Kwa Transkei le Zululand wa maloba, "Makgotla a Dikgosi" a ne a dirisa maatla ona ao e bile a na le tsamaiso e e tshwanang le ya dikgotlatshekelo tsa bommagiseterata. Boikuelo kwa Transkei wa maloba go tswa go baeteledipele ba setso bo ne ba ya kwa bothating jwa didika tse dikgosi le dikgosigadi di neng di emetswe teng.
Kwa Bophuthatswana wa maloba, go ya ka Molao wa Makgotla a Bophuthatswana (Bophuthatswana Traditional Courts Act), 1979 (Molao 29 wa 1979), thata ya go samagana le merero ya bosenyi le e mengwe e ne ya newa ditheo (bothati jwa morafe) e seng baeteledipele ba ba rileng ba setso. Boikuelo go tswa go ditheo tse tsa setso bo ne bo ya kwa kgotlatshekelo e e kgethegileng mo sedikeng sengwe le sengwe sag a mmagiseterata, se se nang le mmagiseterata le maloko a mabedi a tlaleletso (baitseanape go tswa mo morafeng mo sedikeng seo).
Kwa Ciskei wa maloba, "Dikgosi" le baeteledipele di ne di na le thata ya semolao go samagana le merero ya bosenyi le ya selegae e e tlhagelelang go ya ka molao wa setso le ngwao go ya ka tlhophiwa ga bona jaaka baeteledipele ba setso.
Kwa Gazankulu, Lebowa le Qwaqwa tsa maloba, tsamaiso e e neng e tlhagiswa ke Molao wa Tsamaiso ya Bantsho e ne ya dira. Go ya ka Molao o, Tona o ne a naya "Dikgosi" le dikgosana thata mo mererong ya bosenyi le e mengwe.
Kwa Venda wa maloba, dikarolo 24 le 25 tsa Kgoeletso ya Tsamaiso ya Baeteledipele ba Setso ba Venda (Venda Baeteledipele ba setso Administration Proclamation), 1991 (Kgoeletso 29 ya 1991), e ne e ya neela "Dikgosi" le dikgosana thata ya merero ya bosenyi le ya selegae ka Monnasetilo wa Khansele ya Kopanobosetšhaba ya maloba.
Makgotla a ne a tswelela go nna teng le go dira ka fa tlase ga tsamaiso ya maloba e e tlhagelelang mo Molaong wa Tsamaiso ya Bantsho le melao e mengwe ya Diporofense. Molaotheo o letla go tswelela go nna teng le go dira ga makgotla a, go ya ka Molaotheo le go phimolwa kgotsa go tlhabololwa ga molao ke bothati jo bo nang le bokgoni. Molao wa Tsamaiso ya Bantsho o ne wa tlhabololwa mo dintlheng tse di rileng go tlosa dintlha tse di neng di le kgatlhanong le meono ya Molaotheo, jaaka kotlhao ka thupa. Kotlhao ka thupa e ne ya fitlhelwa e le kgatlhanong le tshwanelo ya seriti sa botho jaaka e fitlhelwa mo teng ga Molaotlhomo wa Ditshwanelo. Tshwanelo ya go pateletsa go golegwa ke bothati jwa didika kwa Transkei wa maloba e ne ya fitlhelwa e le tsamaiso e e gobelelang.
Tharabololo ya dikgotlang kwa ntle ga kgotlatshekelo ke sengwe se sešwa. Ditšhaba go ralala lefatshe, go akaretsa ditšhaba tsa setso mo Aforika Borwa, ga di bolo go dirisa mekgwa ya setso e e seng ya semolao go rarabolola dikgotlang. Tsamaiso ya setso ya Botswana, Malawi, India, South Australia le Canada di ne tsa sekwasekwa go kgona go tlhoma tsamaiso ya makgotla e e nyalanang le maemo a Aforika Borwa.
Tshekatsheko ya papiso ya tsamaiso ya bosiamisi jwa setso ya Botswana, Malawi le India di tlhagiswa ka boripana jaaka setshwantsho se Aforika Borwa e ka ithutang sengwe mo go sona.
Botswana e na le tsamaiso e e maphatamabedi ya dikgotlatshekelo. Makgotla a setso a dira mmogo le dikgotlatshekelo tsa semmuso. Ona a tlhongwa ke Tona ya Dipusoselegae go ya ka Molao wa Dikgotlatshekelo tsa Setso (Customary Courts Act), 1974. Dikgotlatshekelo tse di na le maemo a mararo: Mokhomišenara wa Lekgotla la Setso, Lekgotla la Boikuelo le makgotla a setso.
Kwa maemong a a kwa tlase a tharabololo ya dikgotlang tsa setso ke lelapa, le le nang le monna, mosadi wa gagwe le bana. Maphata gantsi a leka go rarabolola dikgotlang segolo merero ya lelapa, kwa maemong a lelapa. Fa se se retelelwa, a ka tliswa fa pele ga setlhopha sa baagi, ba gantsi ba dirwang ke lelapa kgotsa a mantsi a a nnang mo karolwaneng eo ya matlo. Maemo a mangwe ke a losika, lo lo dirwang ke lelapa kgotsa a mantsi a a amanang e bile a nna mmogo mo karolong e le nngwe ya motse. Mo lelapa kgotsa a mantsi a rulaganeng le go nna mmogo mo yuniting e e rulagantsweng sentle ya tsamaiso ya selegae, se se bidiwa wate. Diwate di ka fa tlase ga boeteledipele le thata ya moeteledipele, e maemo a yona go le gantsi e nnang boswa. Mo merafeng e megolo jaaka Bangwaketse le Bamangwato, dikgosana di a kadiwa (go tloga go A go ya go G go ya ka morafe wa ntlha, le go tloga go A go ya go K mo go wa bobedi). Mo merafeng e mengwe, jaaka Bakwena, Batawana le Bamalete, go na le baeteledipele le dikgosana. Mo ntlheng ya Bakwena, dikgosana tse di kadiwa go tloga go A go ya go C. Bongwe le bongwe jwa bothati jwa setso bo na le dithata tsa semolao, jo bo a kgontshang go rarabolola dikgotlang. Dikgotlatshekelo tse di sa elweng tlhoko tsa baeteledipele gantsi di kaiwa jaaka Makgotla a Baeteledipele a Tsereganyo, se se ka tswa se tlhotlheleditswe ke karolo 3 ya Molao wa Makgotla a Setso.
Makgotla a setso a eteletswe pele ke boporesitente mme a tlhomilwe ke Tona ya Dipusoselegae, a dira segolo mo mafelong a metsesetoropo a naga (Gaborone, Francistown, Lobatse, Selebi-Pikwe, Jwaneng, Ghanzi le Kasane). Makgotla a a dira ka ditlolomolao tse dinnye tse di amanang le lefatshe, merero ya manyalo le dikgotlang tsa thoto. Batswakwa ba ka sekisiwa mo dikgotleng tsa setso. Kemedi ya semolao ga e a letlelelwa mo makgotleng a setso mme ga go melao e e rileng ya bopaki. Baatlhodi ba morafe, ba ba supilweng ke moeteledipele wa morafe kgotsa ba tlhophilwe ke setšhaba, ba swetsa ka dikotlhao, tse go ka ikuelwang kgatlhanong le tsona ka tsamaiso ya makgotla a selegae. Boleng jwa ditshwetso tse di fitlheletsweng mo makgotleng a setso bo farologana thata. Mo mabakeng a mangwe baatlhodi ba morafe ba ka rebola dikotlhao tse di jaaka go kgwathisiwa mo pepeneneng.
Go na gape le dikgotlatshekelo tsa semmuso tse di tlhomilweng ke Tona ya Dipusoseleae go ya ka Molao wa Dikgotla tsa Setso. Molao o o tlhalosa thata ya dikgotlatshekelo tse go ya ka tsamao ya dikgato, le ditekanyetso tsa tsona go ya ka mafelo. Molao o o tlhalosa gape le molaotheo wa kgotlatshekelo eo, tatelano gareng ga maloko a yona le dithata le ditiro tsa mongwe le mongwe yo o ka tlhophiwang go dira jaaka moelatlhoko.
Malawi, e simolotse tsamaiso e e jaana go sa le gale, ya go leba sešwa tsamaiso ya dikgotlatshekelo ya yona mme ya swetsa go siamisa melao e e dirang mo tsamaisong ya bosiamisi, e na le tsamaiso e e itumedisang ya molao wa setso. Naga e e tlhomile diforamo tsa bosiamisi jwa setso, tse di dirang ka fa tlase ga mafelo a dikgotlatshekelo tse go begwang di ka ne di le 24 000, kwa maemong a metse. Diforamo tse tsa bosiamisi jwa setso, tse di dirang ka fa tlase ga mafelo a dikgotlatshekelo a le 217 a a eteletsweng pele ke bommagiseterata, go begwa di kgona go samagana le magareng ga 80% le 90% tsa dikgotlang tsotlhe.
Dikgotlang tse di tlwaelegileng tse di tliswang fa pele ga mafelo a bosiamisi jwa setso ke dikgotlang tsa malapa, dikgotlang tsa mafatshe le merero ya dithoto.
Diforamo tsa bosiamisi jwa setso di samagana le dikgotlang kwa maemong a metse mme di fetisetsa dikgotlang kwa mafelong a a maleba a dikgotlatshekelo fa di retelelwa ke go a rarabolola.
Le fa e le gore tsamaiso ya bosiamisi kwa India e rulagane sentle, ka maemo a a kwa godimo a seriti, dikgotlatshekelo tse di lebaganwe ke mathata a magolo a mane: palo ya dikgotlatshekelo le baatlhodi mo maemong otlhe e kwa tlase thata, go nnile le koketsego ya kelelo ya dikgetse mo dingwageng tsa sešweng ka ntlha ya ditiragalo tse di farologaneng tse di tsentsweng tirisong ke dipuso tsa bogareng le tsa dinaga, tlhwatlhwa e e amegang mo go tšhotšhiseng kgotsa go sireletseng kgetse mo kgotlatshekelong ya molao e kwa godimo ka ntlha ya dituelo tse di kwa godimo tsa dikgotlatshekelo, dituelo tsa baatlhodi le dituediso tse dingwe, mme ditiego di itemogelwa mo go swediweng ga dikgetse, mme se se tlisa kgobelelano e e kwa godimo mo dikgotlatshekelong tsotlhe.
Batlhotlhi go nna thata mo go bona go tšhotšhisa kgotsa go sireletsa kgetse ka ntlha ya ditlhwatlhwa tse di kwa godimo. Baatlhodi ba Kgotlatshekelo e e kwa Godimo le dikgotlatshekelo kgolo ba gateletse tlhokego ya thuso ya mahala ya semolao go batlhoki. Mekgwa e mengwe, gareng ga e mengwe, e e dirisiwang ke Lok Adalat (dikgotlatshekelo tsa batho), mo bosiamisi bo diragadiwa go sa gatelelwe ditsamaiso tsa semolao.
Tsamaiso ya Lok Adalat e simolotswe kwa Gujarat ka Mopitlwe 1982 mme ga jaana e atoloseditswe mo nageng yotlhe. Go tlhagelela ga tsamaiso e e ne e le karolo ya leano la go imolola morwalo mo dikgotlatshekelong wa dikgetse tse di sa ntse di emisitswe. Dikgotlatshekelo tse di tlhomilwe go samagana le dikgetse tse di sa ntseng di emisitswe le go tlamela bangongoregi ka thuso.
Palamente ya India e ne ya tsenya tirisong Molao wa Bothati jwa Ditirelo tsa Semolao (Legal Services Authorities Act), 1987, mme mangwe a maikaelelo a Molao o e ne e le go rulaganya Lok Adalat go kgona go netefatsa gore tiragatso ya tsamaiso ya semolao e rotloetsa bosiamiso go ya ka ditšhono tse di lekanang. Molao o amogela semolao tharabololo ya dikgotlang ka tsela ya mpampetso le tumalano ka Lok Adalat. Kgopolo e e tswa mo tsamaisong ya Panchayats, e medi ya yona e leng mo hisetoring le ngwao ya India.
Bangongoregi ba bona dipoelo di le dintsi mo go Lok Adalat. Ga go dituelelo tsa kgotla, e bile le fa kgetse e setse e tlhatlhetswe kwa kgotlatshekelo e e tlwaelegileng, madi a a duetsweng a a busiwa a kgetse e rarabolotswe kwa maemong "a go se duele madi a kgotlatshekelo". Ga go tiragatso e e gatelelang ya melao ya tsamaiso le Molao wa Bopaki fa go lejwa dintlha tse kgetse. Maphata a kgotlang e, le fa a ka emelwa ke babueledi, a ka golagana le moatlhodi wa Lok Adalats ka tlhamalalo go na le go ya kwa kgotlatshekelo ya semmuso pele e ka ya kwa Lok Adalat. Tshwetso ya Lok Adalat e bofa maphata a kgotlang mme tsamaiso ya yona e kgona go diragadiwa ka tsamaiso e e maleba ya semolao.
Ga go boikuelo jo bo kgatlhanong le tsamaiso ya Lok Adalat, fa mo dikgotlatshekelo tsa semmuso ka gale go na le tšhono ya go ikuela kwa foramong e e kwa godimo kgatlhanong le tswetso ya kgotlatshekelo ya tshekiso, e ka gale e bakang ditiego mo go rarabololweng ga dikgotlang.
Go tlhongwa ga bogosi go netefadiwa ke Karolo 270 ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Ghana, 1992. Molao wa Bogosi wa 1970 (Molao 370) o laola bogosi kwa Ghana mme o tlhoma makgotla a setso, ga mmogo le Matlo a Dikgosi a bosetšhaba. Matlo a Dikgosi a Bosetšhaba, Matlo a Dikgosi a Didika, le makgotla a setso a na le dikomiti tsa boatlhodi tse di nang le thata ya go swetsa le go rarabolola dikgotlang tse di amang bogosi.
Le fa bogosi bo amogelwa, makgotla a setso a ne a emisiwa morago ga boipuso. Go tlhongwa ga bogosi ga go na ditiro dipe tsa semolao, tsamaiso kgotsa boatlhodi. Le fa go le jalo, dikgosi di sa ntse di na le thata, tlotlo le tlhotlheletso kwa maemong a selegae, le go diragatsa diabe tsa di amanang le tsa semolao. Dikgosi le makgotla a setso a atolositse dithata tsa yona go feta merero e e amanang le bogosi go ya go merero ya malapa le dithoto, go akaretsa tlhalo, tlhokomelo ya bana le dikgotlang tsa lefatshe. Di swetsa ka dikgetse tse di bidiwang efisem ke Akans (merero ya poraefete) kgotsa ya selegae (e seng ya bosenyi). Botlhokwa jwa tsamaiso ya bosiamisi ya setso bo tlhaloswa sente mo teng ga molao wa dikgetse wa Ghana, mme molao wa setso le ona o gatelelwa mo dikgotleng tsa didika le tse dingwe, go ikaegilwe ka mofuta wa kgotlang.
Moatlhodimogolo wa Rephaboliki ya Ghana, Moatlhodi George Kingsley Acquaho ne a gakolola bareetsi ba gagwe gore "dikgosi ke batlhokomedi ba lefatshe, mme ba tlhoka go rarabolola dikgotlang tse dintsi tsa lefatshe. Dikgosi ka jalo di tswelela go nna 'bothati jo bo tlhophiwang' ke baagi ba bantsi, segolo kwa mafelong a magae. Ba rarabolola gape le dikgotlang tse dingwe tsa selegae le tsa molao wa setso mo mafelong a bona. Go se nne ga semmuso ga bothati jo go dira gore di dirisege bonolo mme go nna le seabe ga baagi go dira gore tsamaiso e e ratwe go gaisa gonne batho ba tsaya tsamaiso e e le ya bona, e seng sengwe se ba se pateleditsweng."
Baeteledipele ba setso ba sa ntse ba tshotse maatla a semolao a ba tswelelang go a diragatsa go sa kgathalatsege go fedisiwa ga makgotla a setso mo dingwageng tsa ntlha tsa boipuso. Ngaka Seth Twum o tshitshintse gore ka ntlha ya fa baeteledipele ba setso ba sa ntse ba dirisa thata e kgolo mo balateding ba bona mme go fitlhelela dikgotlatshekelo tse di tlwaelegileng go le thata e bile go le tlhwatlhwagodimo, tsamaiso ya makgotla a setso, jaaka e tlhomilwe ka fa tlase ga Native Jurisdiction Ordinance , e tshwanetse go tlhongwa gape.
Le fa Molaotheo o sa amogele lekgotla lepe la setso, baeteledipele ba setso le dikhansele tsa setso di atoloseditse tiro ya tsona ka kwa ga merero e e amanang le bogosi fela go akaretsa dikgotlang tsa malapa le mafatshe go akaretsa tlhalo, tlhokomelo ya bana le lefatshe. Lefapha la Bosiamisi le Lefapha la Mmueledi-Kakaretso a tlile go kaela tsamaiso ya go tlhongwa gape ga tsamaiso ya makgotla a setso e e tlhomilweng ka fa tlase ga Native Jurisdiction Ordinance . Katiso mo ADR le merero e mengwe ya semolao e gagamaditswe mme letlhomeso le le maleba la semolao le tla tlhomiwa go tshegetsa tsamaiso e e botlhokwa e. Go lemoga tiro e e botlhokwa e, ditheo tse di jaaka Banka ya Lefatshe di tshegetsa tlamelo ya katiso go dikgotsi tsa setso mo molaong wa motheo le mekgwa ya ADR. Se se thusitse go fetola ditheo tse kwa Ghana.
Mo athikeleng e e mo go Information Bulletin e e phasaladitsweng ke Puso ya Australia Borwa, John Tomaino o kwadile gore dikgotla tsa setso kwa Australia Borwa, tse e leng tsona tsa ntlha go tlhomiwa jaaka tsa teko ka 1999, di nnile teng ka ntlha ya go tlhoka tshepo mo tsamaisong ya semolao ya semmuso. Batho ba merafe ya setso ba ne ba akanya gore, jaaka bangongoregi, ba na le seabe se sennye mo tsamaisong ya boatlhodi ka kakaretso, segolo mo ntlheng ya kotlhao. Ba ne ba bona gape le dikgotlatshekelo di tlhaola go ya ka setso, di kgapela thoko e bile di sa amogele sentle sentle setšhaba le ditlhopha tsa malapa. O tlhalosa dilo dingwe di dirilweng go ritibatsa dipoifo tsa batho ba ba latelang setso. Maphata otlhe, go akaretsa bommagiseterata ba ne ba nna mo maemong a a tshwanang e bile ba le gaufi le batho go kgona go dira puisano ka tlhamalalo. Mmagiseterata o nna le leloko le morafe wa setso yo o nang le kitso e e tletseng ka setso mme a ka gakolola dikgotla ka dintlha tse di rileng. Go dirisiwa thata tshedimosetso ya pele ga kotlhao, go akaretsa dipegelo ka ga dipatlisiso tsa beili, go bopa ditshwetso tsa kotlhao. Puso le ditheo tse e seng tsa puso di nna teng le go tlamela tshegetso go badirisi, go bula ditšhono tsa kgopololo. Bommagiseterata ba ba reetsang dikgetse kwa dikgotla di dira pegelo le merafe ya setso, mme se se bopa kitso ka ga dintlha tsa selegae e ditlamorago tsa yona e leng ditshwetso tsa kotlao tsa boleng jo bo botoka.
Fa tiro ya dikgotla tsa setso, e tshwana mo mabakeng a a rileng le se dikgotla tsa morafe tsa Aforika Borwa e ka nnang sona, dintlha tsa tshwano ya tsona mo ka makgotla a setso di ka ga go amogela setso, go nna le seabe ga botlhe ba ba tsenelang ditsamaiso tse le mokgwa wa bosiamisi jwa pusetso.
Fela jaaka Australia Borwa, go nnile le tlhagelelo e kgolo ya tsamaiso ya bosiamisi jwa setso kwa Canada. Tsamaiso ya Canada e ikaegile ka bosiamisi jwa pusetso go gaisa go nyalanya setso le tsamaiso ya dikgotlatshekelo tsa semmuso. Mo kgatisong ya go sa le gale, Reclaiming Aboriginal Justice, Identity and Community , bakwadi ba tlhagisa ngangisano mo tikologong ya semolao ya Canada, ya gore a ka setso, bosiamisi jwa setso bo ne ka gale bo fodisa, bo busetsa mme e se gantsi e le jwa kotlhao.
Bosiamisi jwa pusetso bo tlamela ka tsela ya go golola bosiamisi go batho ba ba setso. Ba batla go tswa mo ditioring tse di sa tlhalosegeng, tse di ikaegileng ka tlhaloganyo e bile di dira gotlhe tsa bosiamisi mo setsong se se ikaegileng ka Yuropa go ya go go tlhalosa bosiamisi go ya ka temogo ya kitso ya bona, setso le meono. Mofuta o wa bosiamisi o ka ga go ithuta gape 'gore re tshwanetse go nna jang' le 'go ithuta gape le maikarabelo a rona a setso' O akanngwa jaaka phodiso gonne tshokamo ya loago le bosenyi di tsewa jaaka bolwetse go boitekanelo jwa semowa, maikutlo le mmele wa batho mo setšhabeng tse di tshwanetseng go alafiwa ka mekgwa ya setso. Karolo ya tiro e ke go boelanya molatofadiwa le letswalo la gagwe ka maele go tswa go bagolo kgotsa maloko a mangwe a setšhaba. E akaretsa go boelanya motho yoo kgotsa le lelapa le le foseditsweng ka fa molatofadiwa a amogela maikarabelo le tshiamiso. Se se matlafatsa batho go thusa mo go bolokeng go rua bosiamisi ga setšhaba le maloko a mangwe a setšhaba.
Go kgona go fitlhelela maikaelelo a bosiamisi jwa pusetso, Canada e tlhomile Porojeke ya Khansele ya Setšhaba e le thulaganyo ya karoganyo, ka maikaelelo a go dirolola dikiletso tse di pateleditsweng mo go bao ba setseng bao ba setseng ba le kwa tlase mo mererong ya loago, go tila seabe se se botlhoko le setshwano sa bosenyi sa kgolegelo, go tlamela batsayaditshwetso ka mefuta e e farologaneng e ba ka tlhophang mo go yona, go tlamela ka bosiamisi jo bo kgotsofatsang batswasetlhabelo le setšhaba, go samagana le dintlha tsa loago, ikonomi le tsa sebele tse di golaganngwang le bosenyi go lebilwe segolo tse di ikaegileng ka kotlhao.
Maitemogelo a Australia Borwa le Canada a maleba mo makgotleng e bile a gatelela dintlha tsa bosiamisi tse di tshwanetseng go tsamaisana le mefuta e ya bosiamisi.
Go a bonala go tswa mo tshekatshekong e e fa godimo gore go na le ditshwantsho tsa tharabololo ya dikgotlang mo ditšhabeng tsa setso mo Aforika, Asia, Australia le Canada. Le fa go le jalo, potso e e tlhagelelang ke gore a dimmotlele tse ka bojotlhe di ka siamela makgotla a rona a setso?
Mmotlele wa Botswana o tlhola ditlhatlagano magareng ga tsamaiso ya dikgotlatshekelo tsa semmuso le tsamaiso ya makgotla a setso.
Mmotlele wa India o letla maphata a kgotlhang go emelwa ke babueledi ba bona e bile o ikaegile fela ka mokgwa o mongwe wa tharabololo ya kgotlhang.
Kwa Ghana setheo sa bogodi ga se na ditiro tsa semolao, botsamaisi kgotsa boatlhodi.
Fa godimo, t 81-82.
Molaotheo o amogela setheo, maemo le seabe sa boeteledipele jwa setso go ya ka molao wa setso, fela ka go ikobela Molaotheo. O amogela gore bothati jwa setso jo bo ikobelang molao wa setso bo ka dira, go ikaegilwe ka melao le ditlwaelo tse di maleba.
Ka tsamaiso ya go newa ditifikeiti, pharologano ya gore Molaotheo o paletswe ke go tlhoma makgotla a setso (jaaka go tlhokega go ya ka Molawana XIII wa Molaotheo), e ne ya kgaphelwa thoko. Ka fa tlase ga Molaotheo o o dirang, makgotla a setso a tshwana le 'dikgotlatshekelo tse dingwe tse di tlhomilweng go ya ka molao wa Palamente'. Le fa go le jalo, ka ntlha ya fa babusi ba setso ba dirisa maatla a semolao, segolo a khuduthamaga, go ne ga ngangisanwa gore, jaaka baatlhodi ga ba a ikemela kgotsa go sekamela ka fa letlhakoreng le le rileng, jaaka go tlhokega go ya ka FCs 156 . Ka Bangindawo le ba bangwe v Tlhogo ya Bothati jwa Sedika jwa Nyanda le ba bangwe 1998 SA 262 (Tk), badirakopo ba dirisitse ngangisano e go ganana le Dikgotlatshekelo tsa Sedika tsa Transkei. Kgotlatshekelo-Kgolo e ne ya kgapela thoko go se dumelane go ka ntlha ya fa diteko tse di tlwaelegileng tsa molao wa kemonosi le go se tsee letlhakore di ne di sa dire. E ne ya tlhalosa gore, mo Aforika, le go se pharologano e e bonalang go le kalo magareng ga ditiro tsa khuduthamaga, boatlhodi le tsa semolao tsa puso, ga go Moaforika yo maikarabelo yo o ka bona e le kgobelelo mo letlhakoreng la baeteledipele ba setso ka ntlha ya fa ba diragatsa dithata tsa khuduthamaga.
Mo go Mhlekwa v Tlhogo ya Bothati jwa Sedika jwa Tembuland; Feni v Tlhogo ya Bothati jwa Sedika jwa Tembuland Bophirima 2001 SA 574 (Tk); 2000 BCLR 979 (Tk), kgotla ga e a ka ya dumalana le taolo ya Dikgotlatshekelo tsa Bothati jwa Sedika. Kgotlatshekelo e ne ya gatelela gore dingwe tsa ditiro di akaretsa dintlha tse di masisi tsa baagi mme ka jalo di tlisa kakanyo ya kamano e e tseneletseng le khuduthamaga. Mo ditemaneng 616 - 7 le 1017 - 18 kgotlatshekelo e ne ya bona gore baeteledipele ba setso ga ba itumelele tshireletso e e tiiseditsweng batlhankedi ba bangwe ba boatlhodi ke karolo 177 ya Molaotheo wa makgaolakgang. Kgetse ya ga Mhlekwa ga e a fekeetsa kgetse ya ga Bangindawo, e e neng e labile fela taolo mo mererong ya loago fela. Go ya ka Bennet , ditlamorago tse di nepagetse gonne mo dikgetseng tsa loago, potso ya go nyalana le Molaotheo e tshwanetse go lekanyediwa le ntlha ya phitlhelelo ya bosiamisi. Go fedisa dithata tsa boatlhodi tsa babusi ba setso e ka nna go tima merafe ya magaeng dikgotlatshekelo tsa selegae tse ka gale ba tlhatlhelang dikgetse tsa bona mo go tsona. Kgetse ya ga Mhlekwa e ne ya netefatsa gore kakanyo ya Khomišene ya Tlhabololo ya Molao ya Aforika Borwa (South African Law Reform Commission) ka ga makgotla a setso le ditiro tsa boatlhodi tsa baeteledipele ba setso mo pampiring ya yona ya dipuisano malebana le tsamaiso ya bosenyi ya makgotla a setso. Khomišene e nganga ka gore kgopolo ya go se tsee letlhakore le go ikemela di ne di se botlhokwa go le kalo go feta ntlha ya kgololosego mo go tseneleleng ga khuduthamaga. Bothata jo bo masisi thata mo dikgetseng tsa bosenyi, mo bannasetilo ba ka se bonweng ba tsaya letlhakore fa, ka fa letlhakoreng le lengwe e le "mongongoregi", "motšhotšhisi" le "moatlhodi"..
Go ya ka ditlhotlhomiso tsa ga Barbara Oomen kwa tikologong ya Sekhukhune, maloko a baagi mo tikologong eo ba rata gore makgotla a setso a bapisiwe le dikgotlatshekelo tse dingwe kgotsa dikgotlatshekelo tsa bommagiseterata. Diperesente tse 65 tsa batsibogi mo tirong ya "Makgotla a Dikgosi" di rata gore dikgotlang tsa tsona di rarabololwe mo makgotleng a setso. Se se supa gore batho kwa magaeng ba itumelela tsela e dikgetse di dirwang ka teng gonne di dirwa le go konosediwa ka bonako. Sengwe gape se se dirang gore batho ba le bantsi ba batle makgotla a setso ke puo e e dirisiwang, e e itsiweng ke botlhe mo lefelong le le amegang.
Dikgotlang tse dingwe tse di tlwaelegileng tse go dirwang ka tsona mo makgotleng a setso ke bogodi, tirisodikgoka, tshenyo ya dithoto, merero ya mafatshe, tirisodikgoka mo malapeng, boloi, merero ya manyalo, matlhapa, fa dikgotlang tse dintsi tsa loago di akaretsa go senngwa ga dimela ke diphologolo tse di sa tlhokomelweng, go imisa mosadi wa monna yo mongwe, go imisa mosetsanyana kgotsa lekgarebe, le dikgotlang ka ga go duelwa ga magadi.
Mo lefelong la Sekhukhune, mongwe wa bommagiseterata o supile gore ke lefelo le le nyemisang mooko go gaisa le o ka dirang mo go lona gonna batho ba rarabolola dikgetse tsa bona kwa gae. O tlhalositse gore o na le paka e le nngwe fela mo beke fa a dirang ka keteko le bogodu go tshwana le badirammogo le ena, o fetisetsa dikgetse tse e tshwanetseng go nna merero ya molao wa setso, dikgotlang tsa mafatshe, dintwa tsa mo malapeng le matlhapa kwa "Lekgotleng la Dikgosi".
Ka go tlhagelela ka tsamaiso e ntšhwa ya molaotheo, go ne ga lemogwa gore go ka se kgonege go tlhabolola molao o o leng teng ka 27 Moranang 1994 mo tsamaong ya nako.
Nakwana le Molaotheo wa makgaolakgang o dirisiwa go fitlha e tokafadiwa kgotsa go phimolwa ke bothati jo bo nang le bokgoni.
b Fa go tlhokega, tsamaiso ya melao e e leng teng e tla neelwa bothati jo bo maleba kwa maemong a a maleba a puso, jaaka go solofelwa ke melaotheo ka bobedi. Lebaka la tsela e le tlhagelela mo ntlheng ya gore bobedi Molaotheo wa Nakwana le Molaotheo wa makgaolakgang e ne e tlamela ka thata ya semolao gore e pegwe mo maemong a a farologaneng a puso. Bokgoni jwa semolao jwa maemo a bosetšhaba le a porofense a puso bo lebilwe sentle. Kgopolo e e ne e sa tlhaloswa sentle mo pakeng ya pele ga paka ya molaotheo ya 1994. Mo godimo ga moo, dinagamagae tsa maloba di ne di na le melao ya tsona, e e neng ya tswelela go dira morago ga 27 Moranang 1994 mme ya tshwanelwa ke go tsamaisiwa kwa maemong a a maleba a puso, e seng fela mo lefelong le e neng e dira pele mo go lona.
c Kgotlatshekelo nngwe le nngwe, go akaretsa makgotla a baeteledipele ba setso, a a neng a le teng fa Molaotheo o mošwa o tsena tirisong, a tla tswelela go dira le godiragatsa maikarabelo a ona go ya ka molao o o maleba mo go ona, go ikaegilwe ka tokafatso kgotsa go phimolwa ga molao oo.
Le fa e tsweletse go nna teng ka fa tlase ga paka ya temokerasi, tsamaiso ya makgotla a setso a tswelela go itemogela dikgwetlho tsa molaotheo le tsa tiragatso. Ditatofatso tsa tiriso e e botlhaswa ya thata ke baeteledipele bangwe ba setso, go kgetholola go ya ka bong le go tswelela go kgapela basadi thoko mo makgotleng a setso le go tsaya letlhakore kgatlhanong le bangongoregi kgotsa matlhakore a basadi mo ditsamaisong go fifatsa setshwantsho sa makgotla a. Dikgwetlho tse di tlhagelelang mo dikgotlannyeng tsa tsamaiso e le meono mengwe ya molaotheo e tlhatlagana le tsamaiso ya semmuso ya bosiamisi, kgaogano le go se tshwane le tlhokego ya kgatelelo ya ditshwetso tsa makgotla a setso di tlhaloswa mo ditemaneng tse di latelang.
Go simolola ga paka e ntšhwa ya molaotheo, gareng gat se dingwe, go fedisitse molawana wa bogolo/bogodimo jwa palamente.
Seriti sa botho, go fitlhelela tekatekano le tsweletso ya ditshwanelo tsa botho le kgololosego.
Go se kgetholole go ya ka mmala le bong.
Bogolo jwa Molaotheo le tsamaiso ya molao.
Ka ntlha ya se, Molaotheo ke molao o o kwa godimo wa Rephaboliki mme molao ope fela kgotsa maitsholo a a sa nyalaneng nao ga a dumelelwa.
Molaotlhomo wa Ditshwanelo le lentswe la sekhutlo sa temokerasi mo Aforika Borwa. O tlhalosa ditshwanelo tsa batho botlhe ba naga e le go amogela meono ya temokerasi ya seriti sa botho, tekatekano le kgololosego, mme o tlamela ka gore naga e tshwanetse go tlola, sireletsa, rotloetsa le go diragatsa ditshwanelo tse di leng mo teng ga Molaotlhomo wa Ditshwanelo.
Kgwetlho e kgolo e e lebaganeng setheo sa boeteledipele jwa setso ke go momaganya ditlwaelo tse dingwe tsa boeteledipele jwa setso tse di tlhagelelang mo ditsong le meetlo le meono ya Molaotheo, jaaka tekatekano le phediso ya kgethololo e e gobelelang go ya ka mmala, bong le bogolo. Sekao, tlamelo e e mo Molaong wa Tsamaiso ya Bantsho, e e tlhokang gore baeteledipele ba setso ba reetse dikgetse tsa loago magareng ga bantsho le dikgetse tsa bosenyi tse molatofadiwa e leng montsho, di kaya kgethololo ka mmala. Seabe le ditiro tsa boeteledipele ba setso mo tsamaisong ya bosiamisi di tshwanetse go bonwa ka lemorago le.
Ntlha e nngwe ya botlhokwa mo tsamaisong ya makgotla a setso ke kotlhao ya go bediwa. Makgotla a setso a santse a diragatsa kotlao e ka mokgwa wa dithupa di le mmalwa go ya go go bediwa mo go feteletseng.
Molaotheo o batla gore batlhankedi botlhe ba boatlhodi ba ba supilweng mo kgotlatshekelo nngwe le nngwe e nne basadi kgotsa banna ba ba nang le dithutego e bile e le batho ba ba bokgoni ba ba maleba. Go thapiwa, tlhatloso, phetiso, go lelekiwa ga, kgotsa dikgato tsa kgalemo kgatlhanong le batlhankedi bao ba boatlhodi di tshwanetse go diragadiwa ntle le go tsaya letlhakore kgotsa go gobelela. Pele batlhankedi ba boatlhodi ba ka dira ditiro tsa bona, ba tshwanetse go dira maikano kgotsa go dumela go ya ka moo Molaotheo o supang ka teng, gore ba sireletsa le go ikobela Molaotheo.
Le fa baeteledipele ba setso ba neetswe ditiro tsa boatlhodi ka fa tlase ga Molao wa Tsamaiso ya bantsho, ga go kae gore ba wela ka fa tlase ga tlhaloso ya motlhankedi wa boatlhodi e e solofelwang ke Molaotheo. Batlhankedi ba boatlhodi ke baatlhodi le bommagiseterata ba ba thapilweng go ya ka Molaotheo le Molao wa Bommagiseterata. Baeteledipele ba setso ga ba a thapelwa maemo ape a boatlhodi, fela ba tlhatlogela kwa setulong sa bogosi. Ka jalo, ditlhokego tse di malebana le dithutego, go siama le batho ba ba maleba, le tlhatloso le go lelekwa ga batlhankedi ba boatlhodi ga di dire mo baeteledipeleng ba setso.
Karolo 2 ya Molaotheo. 34 Karolo 7 ya Molaotheo. 35 Karolo 35 ya Molao wa Tsamaiso ya Bantsho o tlhalosa "montsho" jaaka leloko la mmala kgotsa morafe wa Aforika. 36 Molao 90 wa 1993.
Molaotheo wa 1993 o ne o tlamela ka go dirwa ga tsamaiso ya molao mo porofenseng fa molao oo, gareng gat se dingwe, o wela ka fa tlase ga lefelo la tiro le le tlhalositsweng mo Karolong 6 ya Molaotheo wa 1993. "Bothati jwa setso" le "molao wa gal owe le molao wa setso" di ne di le magareng ga mafelo a a tiro. Melao e le mmalwa e e ka ga tsamaiso ya bosiamisi e neetswe diporofense tse di maleba.
Gore go nne le setlhopha se le sengwe sa melao se se tla dirang bosetšhaba (e seng jaaka melao ya RSA ya maloba le melao ya dinagamagae e e neng e dira ka morero o le mongwe o o diragalang mo dikarolong tse di farologaneng tsa naga), morago fela ga 1994 mafapha a mantsi a bosetšhaba a ne a rotloetsa molao wa go tlhalosa melao e a neng a na le maikarabelo a yona (k.g.r. melao ya dinagamagae tsa maloba le melao ya RSA ya maloba). Tlhaloso e ya melao e phimotse melao ya dinagamagae tsa maloba, e e neng e sa ntse e dira mo dikarolong tseo, mme molao wa RSA o o maleba o ne wa diragadiwa go ralala naga. Le fa go le jalo, ga go makatse, gore se ga se a ka sa diragala ka melao e e samaganang le seabe le ditiro tsa baeteledipele ba setso mo tsamaisong ya bosiamisi. Se e nnile ka ntlha ya marara le masisi a dintlha tse di rileng, ga mmogo le ntlha ya gore morero otlhe o wa go nyalanya setheo sa boeteledipele ba setso le paka e ntšhwa ya Molaotheo e tla tlhoka go lejwa gape ga dipholisi go go tla tlisang go dirwa ga melao e mešwa.
Go netefatsa gore melao e e farologaneng e e neng e le teng ka 27 Moranang 1994 go dirilwe ka yona kwa maemong a a maleba a puso, jaaka go tlhaloswa mo Molaotheong wa Nakwana, tsamaiso ya melao e le mmalwa e ne ya romelwa kwa godimo (maemo a bosetšhaba a puso) kgotsa kwa tlase (maemo a porofense a puso). Mo tiragalong e, tsamaiso ya melao yotlhe e e etseng tlhoko ditiro tsa baeteledipele ba setso mo tsamaisong ya bosiamisi, e e neng ka nako eo, e sa ntse e tsamaiswa kwa maemong a porofense, a ne a romelwa nakwana kwa maemong a bosetšhaba a puso ka fa tlase ga Tona ya Bosiamisi. Moragonyana ga moo, tsamaiso ya mengwe ya melao e e ne ya busediwa kwa diporofenseng tse di farologaneng. Melawana e le mmalwa e ne ya nna e le ka fa tlase ga botsamaisi jwa Tona ya Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo.
Bontsi jwa melao e e kailweng fa godimo e e laolang seabe le ditiro tsa baeteledipele ba setso mo tsamaisong ya bosiamisi, e ga jaana e tsamaisiwang ke diporofense tse di farologaneng, e simolotse mo pakeng e e tlhodilweng ke dikarolo 12 le 20 tsa Molao wa Tsamaiso ya Bantsho le melao e mengwe e e fetisitsweng ka paka ya dinagamagae. Le fa go le jalo, go na le go tswa mo Molaong wa Tsamaiso ya Bantsho. Mo diporofenseng dingwe, thata ya boatlhodi e neetswe baeteledipele ba setso ba ba kwa godimo, fa mo go tse dingwe e le mo dikgosaneng le, mo go tse dingwe mo dikhanseleng tsa setso.
Sekao, kwa Bokone Bophirima (Bophuthatswana wa maloba), thata ya go samagana le merero ya bosenyi le ya loago bo neetswe ditheo bothati jwa merafe e seng baeteledipele ba setso ba ba rileng. Boikuelo go tswa kwa ditheong tsa setso bo ya kwa kgotlatshekelo e e kgethegileng mo sedikeng sengwe le sengwe sag a mmagiseterata, e e nang le mmagiseterata le maloko a tlaleletso a le mabedi baitseanape go tswa mo setšhabeng sa sedika seo. Kwa Ciskei wa maloba, dikgosi le dikgosana di na le taolo ya go samagana le merero e e tlhagelelang mo molaong wa setso le ngwao ka ntlha ya go thapiwa ga bona jaaka baeteledipele ba setso. Boikuelo go tswa go baeteledipele ba setso bo ya kwa bothating jwa kgaolo, jo mo dikgosi le dikgosigadi di nang le kemedi mo go jona.
Le fa go na le tshegetso e kgolo ya mofuta wa setso wa bosiamisi, go na le batho ba ba sa itumeleleng makgotla a setso, ba re ga a diragatsa ditsholofelo tsa bona, segolo mo pakeng e ntšhwa. Ditatofatso tsa tiriso e e botlhaswa ya maatla a boatlhodi ka bangwe ba baeteledipele ba setso, kgethololo go ya ka bong, go kgapelwa thoko go go tsweletseng ga basadi le kgobelelo kgatlhanong le bangongoregi kgotsa maphata a basadi mo tsamaisong di tswelela go fifatsa setshwantsho sa makgotla a. Mo ntlheng ya fa mosadi a nyalane le mosadi (monna) yo mongwe gore a belegele mogatse bana, o ne a omanngwa gore jaaka mosadi yo o nyetsweng, ga a tshwanela go bua a eme ka dinao.
Le fa setheo sa boeteledipele ba setso le makgotla a setso di bopile karolo ya sengwe sa ditheo tse di neng di dirisiwa ke puso ya tlhaolele go tsweletsa tsamaiso e e kgaoganyang bantsho, a ne a sa bone matlole ka botlalo go tswa mo pusong. A ne a ikaegile ka dituelo tsa morafe le dikotlhao tse di neng di bewa ke makgotla a merafe, jaaka di ne di bidiwa, go kgona go itshedisa. Mo letlhakoreng le lengwe, makgotla a Bokhomišenara a ne a bona matlole go tswa mo pusong mme bokomišenare ba basweu ba ba neng eteletse pele baeteledipele ba setso ba ne ba newa moputso o mongwe e le wa go kgorelediwa mo mabakeng a bona. Ntlha ya gore tsamaiso e e sa ntse e dira le fa go se matlole a a lekaneng a semmuso ke bopaki jwa gore setšhaba se tlamparetse tsamaiso e. Ke morago fela ga go amogelwa ga boeteledipele ba setso ka tsamaiso ya Molaotheo mo puso e neng ya tlamela ka ditlabelo, segolo go tswa mo dipusong tsa diporofense tse di diragatsang seabe sa botsamaisi. Se se botlhokwa ke maikarebelo a a neng a tla le thuso ya matlole. Ntlha e e ne e se teng mo pakeng ya tlhaolele. Go ne go se ditlhokego tsa go tlhoma tsamaiso ya go dira dipegelo ka ga go amogela le go dirisa dituelo tsa merafe, mme dituelo tsa "Dikgosi", dikgosana le mapodisi a morafe di ne di tseelwa godimo go feta dikgatlhegelo tsa setšhaba.
Ga go a ka ga tsenngwa dithulaganyo dipe tsa go siamisetsa boeteledipele ba setso tsamaiso e ntšhwa ya Molaotheo. Meono le ditsamaiso tse di tlileng le tsamaiso ya temokerasi di ne di le dišwa mo tseleng ya setso ya go dira dilo. Go tsholwa ga madi a baagi a e leng dituelo tsa morafe go ne ga tlosiwa mo baeteledipeleng ba setso mme matlole a ne a rebolwa ke ditheo tsa puso. Merero ya puso e ne ya golaganngwa ke Matlo a Baeteledipele ba Setso a sešweng. Setheo se ne se sa tlamelwa ka badiri ba ba nonofileng go tlamela ka tshegetso mo pakeng ya go fetogela kwa tsamaisong ya temokerasi. Bangwe ba batho ba ba ithaopileng mo makgotleng a setso ba ne ba se tsenngwe mo bodiredipusong ka ntlha ya fa ba se na dithutego tse di tlhokegang.
Kotlhao ka go betsa, e leng nngwe ya dikotlhao tse di tlwaelegileng tse di neng di dirisiwa ke makgotla a setso, e ne ya tlogelwa ka ntlha ya fa e le kgatlhanong le tshwanelo ya seriti sa botho mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo, mme tiriso ya mapodisi a morafe jaaka batlhankedi ba kagiso e ne ya tloswa ka ntlha ya fa e tshwana le ditiro tsa sepodisi, se se neetsweng maatla a go tshwara ke puso. Go koafadiwa ga mekgwa ya kgatelelo ntle le go tsenngwa tirisong ga mekgwa e mengwe e e neng e nyalana le Molaotheo, go ne ga fokotsa bokgoni jwa makgotla a setso.
Molaotheo o ne wa tsenya ditheo tse di jaaka Komišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa, Komišene ya Tekatekano ya Bong le Mosireletsi wa Setšhaba tse di nang le maikarabelo a Molaotheo go batlisisi kgatako ya ditshwanelo tsa botho mo Molaotheong. Ditheo tse, di ne di tlamela ka ditirelo tse di amanang le tharabololo ya kgotlang le botsereganyi mo dikgotlhannyeng tse di tlhagelalang go tswa mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo mme tsa gaisana le makgotla a setso mo mabakeng a mangwe.
Go na gape le tlhatlagano mo maikarabelong a makgotla a setso le dikgotlatshekelo tsa bommagiseterata mo mererong e mengwe, sekao, bogodu jo bonnye le go tlhapaola, mme se se tlisa go batla foramo e e maleba. Se se ne sa tswelela go koafatsa seabe sa makgotla a setso jaaka batlhokomedi ba maitsholo a mantle le setso.
i Go ne ga tlhagelela kgotlhang ka Phatwe 1997 kwa motseng o o bidiwang Mononono kwa morafeng wa Bakgatla-ba-Kgalefa o o welang ka fa tlase ga taolo ya ga Kgosi Pilane. Mosadi o ne a latlhegelwa ke monna wa gagwe mme a gana go ikobela meetlo ya go roula e e mmatlang gore a nne a tshele setlhare se se bidiwang mogaga mo tselaneng ya gagwe ka gale fa a tswa ka segotlo sa gagwe. O ne a gana go dira jalo ka ntlha ya tumelo ya gagwe e e sa dumalaneng le moetlo o. O ne a tliswa fa pele ga bothati mme a atlholelwa go nna kwa ga gagwe dikgwedi tse 12. Motlhogadi mo motseng wa Mononono o ne a itse gore fa a tshela gareng ga Bakgatla-ba-Kgalefa, o ne a solofelwa go ikobela setso sa Bakgatla. Le fa go le jalo, Molaotheo wa Aforika Borwa o tlamela ka gore batho ba ka diragatsa ditshwanelo tsa bona. Bothata bo bogolo gonne bo akaretsa mefuta e mebedi ya ditumelo. Motlhologadi o ne a iphitlhela a le mo dipharagobeng ka ntlha ya setso sa ga mogatse le tumelo ya gagwe.
Bakgatla o ne wa mo atlholela go nna mo segotlong sa gagwe sebaka sa dikgwedi tse 12 ntle le go tsaya tsia tumelo ya gagwe.
Tshekatsheko ya kgetse e ne ya dirwa ke Barbara Oomen mo tikologong ya Sekhukhune. E ne e sekaseka kgotlhang e e sweditsweng kwa Sekhukhune kwa kgorong ya Mamone magareng ga malapa a mabedi, la ga Magakala le la ga Monagedi. Mo kgetseng e, monna go tswa kwa ga Magakala o ne a tshosetsa go bolaya mosadi wa gagwe. Lelapa la ga mosadi le ne la isa lekwalo kwa kgorong ya moeteledipele wa setso o mogolo. Puisano e ne ya tshitshinya gore monna yo o tshwanetse go tlotla mosadi wa gagwe; ga a tshwanela go sotlaka mosadi wa gagwe le gore ba tshwanetse go tshela ka kagiso. Kwa bokhutlong Rre Magakala o ne a amogela diphoso tsa gagwe. Mo go tliseng kotlhao, go ne ga nna le go se dumalane magareng ga balekgotla. Bangwe ba ne ba batla gore a otlhaiwe ka go bediwa, fa ba bangwe ba batla gore a duedisiwe.
Kgetse ya boraro, ka Barbara Oomen gape, o ne a tlhatlhoba kgetse ya ga Jerry Lethamaga. Rre Lethamaga e ne e le motshegetsi wa ga Rre Mohlahla, yo o neng a lwa le mmaagwe kgotsi ka ntlha ya setulo sa bogosi mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng.
Jaaka kgosana ya gagwe, o ne a simolola go rebola ditsha kwa Mokwete, kwa go neng go na le kgosana e nngwe e e tlhophilweng ke kgosi. Ka Motsheganong 1999, Rre Lethamaga o ne a gogelwa kwa lekgotleng, a bediwa le go bofelelwa mo setlhareng sa mebitlwa gore ditshoswane tse dikhibidu di tswelele go mo otlhaya. O ne gape a duediswa R3 500 mme batho ba a neng a ba neetse ditsha ba ne ba laelwa go tswa ka motse. Rre Lethamaga o ne a bula kgetse kgatlhanong le Momone.
Go tswa mo dikgetseng tse di fa godimo, go a bonala gore letlhomeso la pholisi le tshwanetse go samagana le dikgwetlho tse di rileng mo makgotleng a setso, jaaka mefuta ya dikgetse tse di bulwang, dikwatlhwao, tiriso ya mekgwa e e farologaneng ya go rarabolola dikgotlang le bosiamisi jwa pusetso, tekatekano ya bong, le kotlhao ka thupa.
Seabe sa setheo sa boeteledipele ba setso mo tsamaisong ya bosiamisi ga se fela ka ga tharabololo ya dikgotlhang. Seabe se se menagane gabedi, e leng seabe sa go simolola go tsweletsa momagano ya loago, go nna mmogo, kagiso le maemo a a edileng; le ii seabe sa go tsiboga go rarabolola dikgotlhang tse di tlhagelelang.
Meono ya setso, e e tswang mo molaong wa setso le meetlo ke e e kgethegileng mo ditšhabeng tsa setso. Mo teng ga meono e go na le ditlwaelo tsa setso tse di rotloetsang momagano ya loago, go nna mmogo, kagiso le maemo a a edileng, dinako dingwe e leng se se bidiwang botho, ka go tsenya tlotlo e e tseneletseng ya molao le tolamo, mo letlhakoreng le lengwe, le thata ka go je lengwe. Setheo sa boeteledipele ba setso e ntse ka gale e le motlhokomedi wa meono e mme se tshwanetse go tswelela jalo. Setheo se sa boeteledipele ba setso se tlhomilwe go nna le seabe se se botlhokwa thata mo phetolong le tlhabololong ya meono le ditlwaelo tse.
Go na le dinako tsa dithulano tsa nnete kgotsa tse di belaelwang magareng ga mengwe ya meono le ditlwaelo le meono e e leng mo Molaotheong. Dithulano tse di supa tlhokego ya go tswelela go tlhabolola molao wa setso gore o nyalane le meono ya Molaotheo. Molaotheo o batla gore dikgotlatshekelo tsotlhe, diforamo kgotsa makgotla, fa di ranola molao ofe fela le fa di tlhabolola molao wa tlwaelo kgotsa molao wa setso, di rotloetse mowa le ditlamelo tsa Molaotlhomo wa Ditshwanelo.
Ditlwaelo ka kakaretso le ditiragalo tsa setso di itsege ka go aga le go tsweletsa bongwe, jaaka dikopano tsa bontsi go rapelela kagiso kgotsa pula kgotsa go dira meletlo ya phepafatso morago ga gore matlhotlhapele a wele setšhaba kgotsa go ikobela matsatsi a a rileng kgotsa mafelo a ngwaoboswa go keteka ditiragalo tsa hisetori (sk. Shaka's Day).
Tsweletso ya meono ya malapa, maikarabelo a botsadi le tsosoloso ya maitsholo, ka momagano le ditheo tse di maleba tsa lekala ka katlaatlelo.
Thibelo ya bosenyi, ka tirisano le SAPS le ditheo tse dingwe tsa go diragatsa molao, sekao, Diforamo tsa Sepodisi sa Baagi le Diforamo tsa Tshireletso ya Baagi.
Setheo sa boeteledipele ba setso se ka tswelela go nna le seabe mo go tsenyeng tirisong dipholisi le dithulaganyo tse di nang le seabe mo tsamaisong ya bosiamisi. Sekao, dithulaganyo tse di jaaka Tšhata ya Batswasetlhabelo, setheo sa boeteledipele ba setso se ka kgontshiwa go matlafatsa ditšhaba tsa setso ka matsholotsiboso go dirisa ditshwanelo le dithata tsa bona tse di leng mo teng ga Tšhata.
Tsamaiso ya bosiamisi e tshwanetse go rotloetsa le go somarela meono ya bosiamisi ya Seaforika, e e ikaegileng ka poelano le bosiamisi ba pusetso. Molaotheo o sireletsa ditshwanelo tsa setso le setheo sa boeteledipele ba setso. Baeteledipele ba setso, ka bobona ke batlhokomedi ba setso le ditlwaelo tse. Go abiwa ga seabe le ditiro tsa setheo sa boeteledipele ba setso go tshwanetse ga dirwa ka tsela e e somarelang meono e setheo sa boeteledipele ba setso e theilweng mo go yona.
Makgotla a setso a farologana le dikgotlatshekelo tsa semmuso ka gore a fitlhelelega ka gale, a dira go busetsa le go bofaganya kamano magareng ga btho ba setso, e bile a bonala thata, ka tsela e e sa gobeleleng ya go tsaya ditshwetso e baagi ba nang le seabe mo go yona. Dikgotlatshekelo tsa semmuso, mo letlhakoreng le lengwe, di latela melao e e thata mme di lebile ipusolosetso.
Mooko wa tsamaiso ya bosiamisi jwa setso o mo go nneng le seabe ga baagi mo go rarabololeng dikgotlhang. Se se farologana le tsamaiso ya bosiamisi ya semmuso mo dikgotlhang di fetisediwang kwa dikgotlatshekelo go sekasekwa ke batlhankedi ba boatlhodi ba ba fetisang dikatlholo tse di seng bonolo go tlhaloganngwa. Mekgwa ya setso ya tharabololo ya dikgotlang e ne e amogelege mo dikgotlatshekelo ka ntlha ya fa di tlhaloganngwa ka kgopolo ya Bophirima ya bosiamisi. Ditšhaba di ne di kopana mo makgotleng go rarabolola dikgotlhang tsa tsona, mme kgosi, jaaka Sachs a tlhalosa, e ne e dira jaaka sebueledi sa balekgotla ba gagwe, ba morago ba batlang go tsholetsa le go tshegetsa go tlhongwa ga meono mo morafeng.
Mo bokaelong jo, kgosi e e molemo e ne e lemogwa e seng ka letshogo le a ka le tsenyang kgotsa bogolo jo a ka bo supang, mme ka nonofo ya gagwe mo go tlhaloseng bosiamisi jwa setšhaba se se tshwanang, bo bo akaretsang melao le melawana e e amogelwang ke botlhemo dikgotlhannyeng tse di rileng ka tsela e e lolameng
Molaotheo o na le "thata ya mongwe le mongwe ya go rarabolola bothata bope jo bo ka rarabololwang mo tiragatsong ya molao ka ditheetso tsa botlhe tse di sa gobeleleng mo kgotlatshekelo kgotsa, fa go kgonega, foramo nngwe e e ikemetseng e bile e sa tsee letlhakore". Go ya ka Molaotheo, mofuta mongwe le mongwe wa lekgotsa kgotsa foramo o ka tlhongwa go rarabolola dikgotlhang tse di rileng, fa fela lekgotla kgotsa foramo eo e fitlhelela ditlhokego tse di leng mo Molaotheong tsa go ikemela le go se tsee letlhakore.
Boeteledipele ba setso bo ntse bo tsamaisa bosiamisi mo ditšhabeng tsa setso mo dingwagakgolong tse dintsi. Pele ga paka ya bokoloniale, dikgotlhang tsa loago le bosenyi di ne di rarabololwa ka go dirisa molao wa setso mo bokaelong jwa kopano ya lekgotla, le le eteletsweng pele ke moeteledipele wa setso. Le fa ditshwetso di ne di dirwa ka mokgwa wa ditherisano tsa temokerasi, tsamaiso e e ne e sa fitlhelele temokerasi ya nnete e e tletseng jaaka e tlhaloganngwa go ya ka kgopolo ya sešweng, segolo ka ntlha ya gore basadi mo ditlwaelong tse dingwe tsa setso ba ne ba sa letlwe go le go buisana mo teng ga lekgotla.
Molao wa bosetšhaba o tshwanetse go letla ditheo tsa setso kgotsa diforamo tse di nnang jaaka makgotla a setso a kwa go ona baeteledipele ba setso ba diragatsang seabe le ditiro tse di amanang le tsamaiso ya bosiamisi. Molao o o solofelwang o tshwanetse go tlamela ka ditsela tse di tshwanetseng go latelwa ke makgotla a setso.
Dipholisi tse di tshitshinngwang mo letlhomesong le di batla go dumelana le ditsela tse tsa setso tsa go tsamaisa bosiamisa tse di ikaegileng ka meono ya ditšhaba tsa setso. Tsamaio e ga e tle boemong jwa tsamaiso ya boatlhodi. E golagana le go tshegetsa tsamaiso ya boatlhodi. Ka jalo o tshwanetse go tlhokomela go ranola melawana ya tsamaiso ya setso ya bosiamisi mo bokaelong jwa tsela e e maleba jaaka e dirisiwa kgotsa go tlhaloganngwa ka tsamaiso ya bosiamisi jwa ipusolosetso. Sekao, molatofadiwa, jaaka a tlhalosiwa ke Molao wa Tsamaiso ya Bosenyi (Criminal Procedure Act), 1977, o na le bokao jo bo farologaneng le jwa molatofadiwa go ya ka bokaelo jwa tsamaiso ya setso ya bosiamisi. Mo bokaelong jo, molatofadiwa mo tsamaisong ya bosiamisi jwa bosenyi o tshwanelwa ke kemedi ya semolao, fa molatofadiwa mo tsamaisong ya setso ya bosiamisi a sa tshwanelwa ke kemedi eo.
Dipholisi tse di ikaeletse go oketsa phitlhelelo ya bosiamisi ke ditlhopha tsa loago tse di sa direlweng ka botlalo kgotsa ntle le kgobelelo ke tsamaiso ya bosiamisi ya semmuso - ka go dira jalo go fokotsa ditlhwatlhwa le nako e e tsewang go rarabolola dikgotlhang tse dinnye. Fa meono ya setšhaba e tlhagelela thata mo melaong le ditsela tsa tharabololo ya dikgotlhang, ditsela tse di tla bona tlotlo e kgolo go tswa mo malokong a setšhaba sa setso.
Tsamaiso ya bosiamisi jwa setso e simolola kwa maemong a lelapa kgotsa a selegae. Bagolo mo lapeng ba ka leka go rarabolola dikgotlhang. Fa ba sa kgone go dira jalo, ba e isa kwa maemo a selegae (kgosana). Tharabololo ya dikgotlang kwa maemong a lelapa kgotsa a selegae e laolwa ke molao wa setso. Go isa morero kwa lekgotleng la setso ka gale go bonwa e le sengwe sa bofelo, mme go dirwa jalo fela fa maiteko a ntlha a go rarabolola kgotlhang e a reteletswe.
Ka kakaretso, kgetse e isiwa fela kwa lekgotleng la setso fa ditsela tse dingwe di reteletswe. Mongongoregi o simolola kwa maemong a lelapa mme fa e sa rarabologe kwa maemong ao, e romelwa kwa go kgosana go bona tharabololo. Fa kgetse e e sa rarabololwe ke kgosana, e fetisediwa go moeteledipele o mogolo wa setso yo o bitsang lekgotla. Dingongorego le dikgotlhang di reediwa kwa dikantorong tsa bothati jwa setso, e ka nna kwa kantorong ya kgosi kgotsa kwa phaposing ya bothati. Dingongorego tse di a reediwa mme ka kakaretso di akaretsa dipuisano magareng ga matlhakore a a amegang go akarediwa le moeteledipele wa setso le maloko a mangwe a lekgotla. Ba dumalana ka tsela ya go rarabolola kgotlhang mme ba batle tumalano ya maphata otlhe. Fa go sa fitlhelelwa tumalano, e nna theetso ya semmuso fa pele ga lekgotla la setso.
Kopano ya lekgotla a bulegetse maloko a setšhaba, e bile ba letlwa go tshwaela le go botsa matlhakore otlhe dipotso. Kwa bokhutlong jwa tsheko, moeteledipele wa setso o bolela tshwetso ya lekgotla. Kwa mafelong a baeteledipele ba setso ba bagolo ba leng ka fa tlase ga kgosi kgotsa kgosigadi, go sa ntse go na le tshwanelo ya go ikuela kgatlhanong le tshwetso ya lekgotla kwa go kgosi kgotsa kgosigadi.
Tharabololo ya kgotlhang kwa maemong a kgosana e laolwa ke molao wa setso. Molao o o solofetsweng, ka jalo, o tla laola tharabololo ya dikgotlhang fa fela kgotlhang eo e fetisediwa kwa lekgotleng la setso.
Mo tsamaong ya hisetori, baeteledipele ba setso ba ntse ba na le ditsela tsa go rarabolola dikgotlhang, tse di neng di na le katlego mo go rarabololeng mathata mo ditšhabeng tsa kwa magaeng. Maitlhomomagolo a makgotla a setso ke go fitlhelela poelano magareng ga maphata.
Le fa e le boammaaruri gore fa lekgotla la setso le sekaseka kgotlhang, le neela "katlholo" (k.g.r. go bona motho a le molato kgotsa nnyaa), ke boammaruri gape gore maikaelelo a magolo a ditiragalo ke go rarabolola kgotlhang le go siamisa kamano e e itekanetseng magareng ga maphata ka bobedi. Dintlha tsa bosiamisi jwa pusetso tse di tlhagelelang e kete ke itlhamelo mo tsamaisong ya bosiamisi jwa semmuso, di ntse di le teng go tloga bogologolo mo tsamaisong ya bosiamisi jwa setso.
Go farologana le dikgotlatshekelo tsa semmuso mo bommagiseterata le baatlhodi ba thapiwang go dira ka ditiro tse di rileng tsa boatlhodi, setheo sa boeteledipele ba setso se na le ditiro tse dingwe tse di farologaneng tsa setso le ngwao, tse se di reboletsweng ke molao. Baeteledipele ba setso ga ba thapelwe maemo ka ntlha ya bokgoni kgotsa nonofo, fela ba tlhatlogela mo setulong sa bogosi ka tsalo. Ga ba tlhophiwe, mme ke "baeteledipele ka tsalo".
Baeteledipele ba setso ba diragatsa seabe le ditiro tsa bona gaufi le setšhaba. Molao wa Letlhomeso la Boeteledipele ba Setso le Puso (Traditional Leadership and Governance Framework Act) o ikuela go puso go tlamela ka ditlabelo tse di tlhokegang gore baeteledipele ba setso ba diragatse ditiro tsa bona. O tlamela ka gore ditheo tsotlhe tsa puso di tshwanetse go netefatsa gore go abiwa ga seabe kgotsa tiro nngwe le nngwe kwa setheong sa boeteledipele ba setso go tla le ditlabelo tse di tlhokegang, mme go tshwanetse ga netefatsa gore tsela e e siameng ya go naya dipegelo e tlhomilwe. Go botlhokwa go tlamela ka tikologo e e tla thusang go rotloetsa tsela e e momaganeng mo tiragatsong ya seabe le ditiro e e tla kgabaganyang makala otlhe a puso. Mo bokaelong jo, Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo le solofelwa go tlamela ka dinonofo le ditlabelo tse di tla tlhokegang mo go diragatseng seabe le ditiro tsa baeteledipele ba setso mo tsamaisong ya bosiamisi, jaaka ditlabelo tse di botlhokwa go tlamela ka katiso le tshegetso ya botsamaisi go makgotla a setso.
Ka 1999, South African Law Reform Commission e ne ya dira ditlhotlhomiso go kokoanya melao e e farologaneng le ditlamelo tse di laolang makgotla a setso go kgona go a nyalanya le melawana ya temokerasi le meono e mengwe ya Molaotheo. Ditlhotlhomiso tse di ne tsa tliswa go phasalatswa ga pampiri e setlhogo sa yona e leng Traditional courts and the judicial functions of traditional leaders. Ditherisano tse di tseneletseng kwa maemong a bosetšhaba, porofense le a selegae di ne tsa latela phasalatso ya pampiri e. Se se ne sa tlisa go phasaladiwa ga pegelo ya makgaolakgang le seralwa sa molaotlhomo.
Lefapha le tshwanetse go dira molao, o o tlhomang makgotla a setso a a nang le dithata tsa loago le bosenyi, jaaka go batlwa ke Molao, mme go tshwanetse ga tlhaloswa ka madi a a tla tlhokegang mo mererong ya loago.
Molao o tshwanetse go tlamela ka kemedi/go nna le seabe ga basadi mo makgotleng a setso.
Kemedi ya semolao ga e a tshwanela go letlwa mo ditsamaisong tse di fa pele ga makgotla a setso.
Makgotla a setso a tshwanetse go matlafadiwa go diragatsa dikotlhao ka dituelo le dikotlhao tse di beetsweng thoko.
Basireletsi mo kgetseng e e fa pele ga makgotla a setso ba tshwanetse go nna le tshwanelo ya go ikgogela morago le go isa kgetse kwa kgotlatshekelo e e tlwaelegileng.
Boikuelo kgatlhanong le ditshwetso tsa makgotla a setso bo tshwanetse go nna maikarabelo a lekgotla la setso la boikuelo le le tlhomilweng go reetsa boikuelo jwa makgotla a ntlha.
Dikatlholo tsa makgotla baeteledipele ba setso di tshwanetse go bo di ka tsenngwa tirisong ke dikgotlatshekelo tsa bommagiseterata.
viii Mokwaledi wa makgotla a setso o tshwanetse go tlhongwa mo porofenseng nngwe le nngwe go neelana ka tshegetso ya botsamaisi go makgotla a a mo porofenseng.
Le fa pegelo e na le dikatlenegiso tse di batlang go bopa sešwa le go tiisa paka ya makgotla a setso, dingwe tsa dikatlenegiso tsa yona, segolo tse di amanang le go tsenngwa ga dikatlholo tse di sekegilweng tsa kgotlatshekelo, boikuelo le go boloka direkoto tsa tsamaiso ya lekgotla, di ikaegile mo dikgotlatshekelong tsa Bophirima mme di ka fitlhelwa di sa nyalane le meono ya bosiamisi ya Seaforika.
Tona o tshwanetse go tlhopha dikgosi, dikgosana le baeteledipele ba setso ba bagolo go ela tlhoko tsamaiso ya makgotla a setso a a tlhomilweng mo mafelong a bona a tiro, a a tlhaloswang go ya ka molao.
Molao wa bosetšhaba o tshwanetse go rebola tlhopho ya maemo a ka go kwala. Go tsenela dithulaganyo tse di beilweng tsa katiso e tshwanetse go nna nngwe ya ditlhokego tsa gore moeteledipele wa setso a tlhophiwa go diragatsa seabe le ditiro tsa gagwe mo tsamaisong ya bosiamisi. Fela jalo, molao o tshwanetse go tlamela ka ga go gogelwa morago ga tlhopho e e ntseng jalo mo mabakeng a go dirisa thata e botlhaswa.
Kgosana kgotsa leloko la lelapa la segosi o tshwanetse go tlhongwa jaaka motsamaisi go diragatsa ditiro tsa moeteledipele wa setso yo mogolo fa moeteledipele a se teng.
Ga go ditsela tsa go netefatsa gore baeteledipele ba setso ba diragatsa seabe le ditiro tsa bona mo tsamaisong ya bosiamisi ka fa tlase ga molao. Go tlhokega ga ditsela tsa go netefatsa gore baeteledipele ba setso ba diragatsa seabe le ditiro tsa bona mo tsamaisong ya bosiamisi go tsamaisana le ditlhokego tsa Molaotheo le molao, go tlisa dikgwetlho tse dikgolo. Fela jaaka molao wa bosetšhaba o batla gore baatlhodi le bommagiseterata ba dire maikano a kantoro fa pele ga motlhankedi yo mogolo wa boatlhodi, molao wa bosetšhaba o tshwanetse go solofela gore baeteledipele ba setso ba ba tlhophilweng go tsamaisa merero ba dire maikano a kantoro fa pele ga mmagiseteratawa kgotlatshekelo ya mmagiseterata mo lefelong la tiro la lekgotla leo la setso.
Molao wa bosetšhaba o ka tlamela ka go tlhongwa ga melawana ya maitsholo go baeteledipele ba setso ba ba tlhophilweng go diragatsa seabe le ditiro mo tsamaisong ya bosiamisi, mme o tshwanetse go tlhalosa dikgato tse di ka tsewang fa go nna le kgatako ya maitsholo a a siameng ka moeteledipele ofe wa setso. Dikgato tse di tshwanetse go akaretsa dikatlenegiso tsa go tsenela thulagano e e rileng ya katiso kgotsa go tlosiwa nakwana kgotsa leruri ga tlhopho eo fa kgatako e le masisi mo e tshwanelwang ke go tlisa kgogelo-morago.
Baeteledipele ba setso ba tshwanetse go tsenela thulaganyo ya katiso e e ka ga, gareng ga tse dingwe, ditshwanelo tsa botho, pharologano le bokaelo jwa loago go ka tlhophiwa jaaka batsamaisi ba makgotla a setso. Katiso e tshwanetse go atolosediwa go dikgosana le maloko a mangwe a lelapa la segosi a a tlhophilweng jaaka batsamaisi.
Molao o tshwanetse go tlamela ka dithulaganyo tse di jaana tsa katiso (ka tirisano le Justice College) jaaka go ka tlhokega mo tsamaisong ya makgotla a setso. Thulaganyo ya katiso e tshwanetse go akaretsa thuto ya ditshwanelo tsa botho, katiso ya dipharologano le bokaelo jwa loago.
Mo malobeng, makgotla a setso a ne a tsewa a kgona go samagana fela le dikgotlang tse di bakwang ke ditlwaelo tsa setso. Molao wa seto ke setlhopha sa melao e e sa kwadiwang mme o farologana go ya ka dikarolo magareng ga ditšhaba tsa setso. Molao wa setso ke setlhopha sa ditlwaelo, ditheo le meono e e dirisiwang ke setšhaba sa setso.
Pharologano magareng ga dikgotlhang tse di tlhagelelang mo molaong wa setso le tse di ikaegileng ka molao o o tlwaelegileng gantsi ga e a totobala. Go ya ka Sachs, melelwane magareng ga setso le molao o o tlwaelegileng e nolofetse e bile e a tshelega. O tlhalosa gore le fa mareo a dirisiwa ka go farologana mo Molaotheong, a ka bonwa a dirisiwa ka tsela ya tlhaloso e bile e elela, go na le tsela ya meono le dikarolo.
Bobedi a tlhoka go golaganngwa le meono ya Molaotheo. Mo matsatsing a tlhaolele a ne a kgaoganngwa, ka kgopolo le ka ditheo. Gompieno ga go na lebaka la go se lemoge le go amogela ntlha ya gore lengwe le lengwe le tseneletse le go tlhotllheletsa le lengwe ka tsela e e ka se dirololweng. Gape, bobedi a amilwe ke molao thata le ka tsela e sa dirologeng; fa fela go ne go na le mefuta e e itshekileng ya molao o o tlwaelegileng le molao wa setso, ga e tlhole e le teng gompieno.
Go tsenngwa ga taolo ya merero ya bosenyi le ya loago mo makgotleng a setso go ka tsosa dikgwetlho tsa Molaotheo. Go na le pharologano e nnye magareng ga bosenyi jo bo tlhagelelang go tswa mo molaong le ditlwaelo tsa setso le ditlwaelo tse di tswang mo molaong o o tlwaelegileng. Morago ga ditlhotlhomiso mo ntlheng e, ga go na bosenyi bope jwa molao wa setso jo bo itsegeng bo farologana le jo bo tlhagelelang go tswa mo molaong o o tlwaelegileng. Se se jalo gonne molao wa setso ga o a kwadiwa mme o farologana go tloga go setšhaba go ya go se sengwe. Le fa mo molaong wa loago go na le dikgotlhang tse di rileng tse di ikaegileng fela ka molao wa setso, go botlhokwa go batlisisa gore makgotla a setso a ka neelwa thata go le kae go reetsa dikgotlhang tsa loago le bosenyi jwa molao o o tlwaelegileng. Go atolosiwa ga thata ya merero ya bosenyi le loago go tshwanetse ga nyalana le ditlhokego tsa Molaotheo.
Go botlhokwa gore makgotla a setso a newe thata ya go reetsa dikgetse tsa bosenyi jo bo seng masisi go le kalo le dikgotlhang tse dinnye tsa loago tse di tlhagelelang go tswa mo molaong wa setso le bosenyi jwa molao o o tlwaelegileng.
Thata ya makgotla a setso e tshwanetse go nna malebana le ditlolomolao le dikgotlhang tse di tlhageletseng mo teng ga lefelo la thata ya lekgotla la setso le le amegang.
Tona o tshwanetse gore, ka gale, ka kitsiso mo Kuranteng ya Puso, a bee boleng jwa madi a dikgotlhang kgotsa ditleleimi tse di tla reediwang mo makgotleng a setso. Dikgotlhang tse di masisi jaaka tirisodikgoka mo malapeng le tshotlakako ka thobalano ga di a tshwanela go reediwa ke makgotla a setso.
Ka ntlha ya fa Aforika Borwa a se na tsamaiso ya molao wa setso e le nngwe e e momaganeng, makgotla a setso a tla tswelela go lebagana le maemo a mo go ona a tshwanetse go swetsa gore ke efe ya ditsamaiso tse pedi kgotsa go feta tsa tsamaiso ya molao wa setso e e ka dirisiwang mo dintlheng tsa kgotlhang e e rileng. Mo tiregong, dikgotlhang tse di ntseng jaana di rarabololwa ke tumelano ya maphata a mo kgotlhannyeng. Fa go se na tumalano magareng ga maphata a, molao o o dirang ke molao wa lefelo la setšhaba sa setso se se amegang, kgotsa molao o kgetse o golaganang thata nao.
Makgotla a setso ga a tshwanela go gatelela mokgwa o o rileng wa go tlhatlhelwa kgotsa katlholo e e sekegilweng.
Mo malobeng, baeteledipele ba setso ba ne ba gatelela dikotlhao tse di masisi jaaka go kobiwa mo setšhabeng. Le fa go le jalo, dikotlhao tse di ne di ka se siame ka fa tlase ga Molaotheo.
Makgotla a setso a ka gatelela dikotlhao tsa tuediso kgotsa go duelwa madi. Mo makgotleng a setso, ka gale tsepamo e mo go tliseng poelano le bosiamisi jwa pusetso go na le kotlhao. Kotlhao ya tuediso e tsewa jaaka go amogela molato mme gantsi tuelo e e swediwa ke motho ka boena.
Fa motho a lemoga gore o phoso, kgotsa go bonala gore maloko a morafe wa gagwe a mmona a le phoso, a ka ithaopa go ntsha nku, podi, kgotsa kgomo go supa molato wa gagwe le go phimola tlolomolao ya gagwe. Go ituedisa go, dinako dingwe go dirisiwa le kwa lekgotleng la kgosana, go supa go amogela molato. Go itsege jaaka madi a go ithapeletsa mme ke sesupo sa go sokologa go lekgotla. Mo lebakeng la fa molatofadiwa a ituedisang tuelo e maloko a lekgotla a dumelang gore ga e a lekana, ba tsaya se e le sesupo sa gore ga a ipone molato; mo letlhakoreng le lengwe fa a ituedisa thata, ba ka fokotsa tuelo e.
Makgotla a setso a tshwanetse go matlafadiwa go tsenya dikotlhao tse dišwa tsa setšhaba, segolo dikotlhao tse di tlisang bosiamisi jwa pusetso, go nyalana le seabe sa tlwaelo sa boeteledipele ba setso. Mo malobeng, baeteledipele ba setso ba ne ba rwesa maikarabelo a go tsweletsa kagiso le mowa o o edileng mo setšhabeng. Molao o o laolang dikgotlatshekelo tsa tekatekano o ka neela sekao se se botlhokwa mo ntlheng e, sekao, gore boitshwarelo jo bo feleletseng bo newe kgotsa taelo ya gore molatofadiwa a duele mongongoregi ditshenyegelo tse di dirilweng, go etswe tlhoko mabaka a a rileng.
Molao wa bosetšhaba o tshwanetse go neela Tona maatla a go baya tlhwatlhwa e e kwa godimo e e ka duedisiwang ke lekgotla la setso. Dituediso tsa pusetso e ka nna ka tsela ya madi kgotsa leruo. Madi a a duelwang jaaka dituediso e tshwanetse go nna karolo ya lotseno lwa naga mme a tshwanetse go dirisiwa ka mokgwa o o beilweng.
Morago ga go tsena ga paka e ntšhwa ya temokerasi, tsamaiso ya sepodisi sa setso e e neng e le botlhokwa mo go diragatseng ditshwetso tsa makgotla a setso, e ne ya wa. Nngwe ya ditiro tse sepodisi sa setso e ne e le go rebola dikitsiso, go kaela maphata le maloko a setšhaba go tsenela makgotla le go ela tlhoko go tiragatso ya ditshwetso tsa makgotla. Fa go se na sepodisi sa setso, go botlhokwa go tlamela ka bokgoni jo bo tla dirang tiro e.
Ditshwanelo tsa kemedi ya semolao mo dikgotlatshekelo tse di tlwaelegileng ke ka ntlha ya karolo 35 ya Molaotheo mme tshwanelo e ga e ka ke ya phimolwa. Le fa go le jalo, mo tsamaisong ya bosiamisi jwa setso tshwanelo ya kemedi ya semolao ga e dirisiwe gonne tsamaiso ya bosiami jwa setso e farologane le dikgotlatshekelo jaaka di kaiwa ke Molaotheo karolo 353c. Maikaelelo a makgotla a setso ga se go latofatsa, mme ke go busetsa maemo a a edileng le poelano.
Ga ke tshitshinye gore makgotla a setšhaba kwa mafelong a magae, a a eteletsweng pele ke baeteledipele ba setso e bile a dira go ya ka ditsela tsa molao wa setso, a newe maatla a go romela batho kgolegelong. E bile ga a tshwanela go letlwa go gatelela kotlhao ka go betsa. Fa mongwe a tshosediwa ka go latlhegelwa ke kgololosego, go tshwanetse ga nna le tsela e e maleba ya molao, babueledi, makwalo a ditatofatso, tsela ya boikuelo le ditsela tse dingwe tsa semmuso. Ke se Molaotheo o se batlang. Fela go rarabolola dikgotlhang tsa malapa le baagisani le go samagana le ditshotlako tse dinnye le bogodu jo bonnye di tlhoka dithekeniki le ditsamaiso tse dingwe.
Kemedi ya semolao ga e a tshwanela go amogelwa ka ntlha ya gore makgotla a setso ga ba dire ka dipotso tsa setegeniki tsa semolao tse di tlhokang go ranolwa ke babueledi.
Dikatlholo le ditshwetso tsa makgotla a setso ka gale di ikaegile ka go dumela ga molatofadiwa, mme ditshwetso tse di fitlhelelwang di fetoga go nna ditshwetso tsa setšhaba gonne mongwe le mongwe o nna le seabe mo tharabololong ya mathata. Kgopolo ya boikuelo ga e teng mo tsamaisong ya makgotla a setso. E tsentswe ke ditsamaiso tsa bokoloniale le tlhaolele tse ka tsona mofuta wa puso ya Bophirima e neng e ela tlhoko boeteledipele ba setso. Boikuelo e bile bo diegisa tsamaiso ya semolao.
Mo dikgetseng tse di rileng, boikuelo go kgotlatshekelo ya ga mmagiseterata e e nang le taolo bo tshwanetse go letlwa kgatlhanong le ditaelo tsa tuediso kgotsa pusetso e e kwa godimo.
Ditshwetso tsa makgotla a setso di tshwanetse go ka lejwa gape ke kgotlatsekelo ya ga mmagiseterata e e nang le taolo mme mabaka a tebosešwa a tshwanetse go tlamelwa mo molaong. Mabaka a a tshwanetse go akaretsa go tlhokega ga taolo mo lephateng la kgotlatshekelo, tsamaiso e e sokameng, go nna le kgatlhego mo tsamaisong eo le kgobelelo.
Go tshwanetse go kgonega gore melato e romelwe kwa lekgotleng la setso go ya kgotlatshekelo ya semmuso, fa e le gore go ya ka lekgotla la setso molato oo ke o mogolo mo e bileng o tshwanetseng go sekwa ke kgotlatshekelo ya semmuso.
Gape go tshwanetse go kgonega gore melato e romelwe go tswa kgotlatshekelo ya semmuso go ya lekgotleng la setso, fa e le gore go ya ka motšhotšhisi molato oo ke o o tshwanetseng go sekwa kwa lekgotleng la setso.
Makgotla a Setso a tshwanetse go dirisiwa jaaka mafelo a go romela melato e e tswang kwa dikgotlatshekelo tsa semmuso, mme tsona di tshwanetse go dirisa mokgwa wa tsamaiso ya bosiamisi ka go dirisa mofuta tsamaiso ya bosiamisi ka go dirisa mokgwa o mongwe wa go rarabolola mathata kgotsa dikgetse.
Go nna le seabe ga motswasetlhabelo le koketsego ya go kgotsofala: Dikgotlatshekelo tse di tlwaelegileng di tsewa jaaka tse di bonwa tse di neelang sesenyi lesedi mme motswasetlhabelo ena a sa tlhokomelwe ka fa bosenyi e le molato kgatlhanong le mmuso. Maiteko a bosiamisi jwa pusetso a tsepamisitswe mo go bobedi motswasetlhabelo le mosenyi ka bobedi.
Go amogela maikarabelo: Therisano fa gare ga mosenyi le motswasetlhabelo e neela mosenyi sebaka sa go dumela diphoso tsa gagwe le go rwala maikarabelo a go siamisa diphoso tseo.
Go fokotsega ga go boeletsa go dira melato: Ditlhotlhomiso tse di dirilweng di bontsha gore go boeletsa go dira melato go fokotswa ke bosiamisi jwa pusetso, fa go bapiswa le mekgwa e e tlwaelegileng ya tsamaiso ya bosiamisi.
Mokgwa wa go rarabolola mathata a bosenyi: Seabe se se tsewang mapodisi kwa dikhomferenseng tsa bosiamisi jwa pusetso se thusa sepodisi le makala a mangwe a tsweletso ya bosiamimisi go tlhaloganya se se dirang gore batho ba senye le gore bosenyi joo bo ka batlisisiwa jang.
Maatla a a okeditsweng: Go neela bannaleseabe mo tsamaisong ya molao wa bosenyi sebaka sa go nna le seabe le go tsaya ditshwetso kwa dikhomferenseng tsa bosiamisi jwa pusetso go a matlafatsa.
Motheo wa bosiamisi jwa pusetso ke gore ditshwetso tse di malebana le mekgwa ya go samagana le ditlamorago tsa bosenyi di fitlhelelwe morago ga gore bannaleseabe ba fe dikakanyo tsa bona. Morago ga tirisano e tshwetso ya setlhopha se a tswelela mme se a diragadiwa. Ka tsela eo, ditlhopha tse dikgolo (basenyi, batswasetlhabelo le sepodisi) di kgona go bona gore ke bona beng" ba ditshwetso tsa khomferense".
Setheo sa boeteledipele ba setso, ka makgotla a setso, se na le seabe se segolo mo go momaganyeng le go diragatseng thulaganyo ya bosiamisi jwa pusetso mo tharabololong ya dikgotlang.
Molao o tshwanetse go tlamela ka tlhago le bogolo jwa direkoto tse di tshwanetseng go tsholwa mo tsamaisong ya makgotla a setso. Direkoto tse di tsholwang di tshwanetse go lekana mo e leng gore di tlhagisa ditshwetso le mabaka a ditshwetso tsa lekgotla la setso (go letla go diragadiwa ga tshwanelo efe, sekao, ditshwanelo tsa go ikuela kgatlhanong le ditaelo tse di rileng tsa lekgotla kgotsa tshwanelo ya go batla gore tsamaiso ya lekgotla sekasekwe).
Ka thuto ya ditshwanelo tsa botho le mananeokatiso a loago, baeteledipele ba setso ba tshwanetse go tlotla ya tekatekano ya bong fa ba tshwaragane le melato ya dikgotlhang tse di amang basadi le maloko a mangwe a setšhaba, le gore ba tlotle ditshwanelo tse di tlhaloswang mo teng ga Molaotlhomo wa Ditshwanelo.
Le fa e le gore mo ditšhabeng tse dingwe go na le maiteko a go fedisa kgethololo ya basadi mo makaleng a lekgotla la setso, go sa ntse go na le ditiragalo tsa kgethololo go ya ka bong le go se tlotle basadi mo mo tsamaisong ya bosiamisi mo makgotleng a mangwe a setso.
Molao o o laolang Makgotla a Setso o tshwanetse go tiisetsa tshwanelo ya tekatekano ya bong e e tlhaloswang mo Molaotheong mme molao oo o tsweletse mananeo a a tla netefatsang go nna le seabe ga basadi, bašwa le batho ba ba golofetseng mo makgotleng a setso.
Tsamaiso ya bosiamisi ke maikarabelo a bosetšhaba, e leng se se kayang gore ga go na maikarabelo a a tla fetisediwang ke Molaotheo go dipuso tsa diporofense kgotsa tsa selegae malebana le tsamaiso ya bosiamisi. Diporofense di rwele maikarabelo a merero ya molao wa ngwao le wa setso, go ya ka Kgaolo 12 ya Molaotheo, mme ga di na maikarabelo a merero e e nyalanang le tsamaiso ya bosiamisi jaaka go tlhalosimo mo Kgaolong 8 ya Molaotheo.
Go botlhokwa go hlama molao wa bosetšhaba o o tla netefatsang gore go nna le maemo a a tshwanang mo nageng ka bophara.
Dithulaganyo tsa phetisetso di botlhokwa gore go diragadiwe diphetogo tsa Makgotla a Setso tse di tlhaloswago mo pholising e mme tsona di tla dirwa go ya ka molao o o solofelwang. Tse di latelang ke dilo tse di tlhokang go fetolwa.
Ka lebaka la go fetisetsa melao ya dinagamagae tsa maloba kwa diporofenseng tse di farologaneng ka 1994, melao ya go e e farologaneng e dirisiwa mo diporofenseng tse di farologaneng mo Rephaboliking ya Aforika Borwa. Dingwe tsa diporofense di fetotse melao ya tsona, fa melao e mengwe e e dirisiwang mo dikarolong tse dingwe tsa Mpumalanga le Kapa Botlhaba, e leng KwaNdebele Traditional Hearings of Civil and Criminal Cases Act, 1984, le Regional Authorities Courts Act, 1982, e ne e sa fiwa Mpumalanga le Kapa Botlhaba. Go batlega Molao o le mongwe Palamente o o tla laolang ditiro tsa baeteledipele ba setso mo tsamaisong ya bosiamisi. Se se tla pateletsa gore go fedisiwe melao e e diriswang ke mmuso wa bosetšhaba le melao e mengwe ya diporofense e e laolang ditiro tsa baeteledipele ba setso mo tsamaisong ya bosiamisi mme e le eo e se kileng e fetolwa ke dikokoanopeomolao tsa a diporofense tseo. Go batlega gore go nne le taolo e e siameng ya go fediswa ga melao eo gore go kgone go nna le tsela e e siameng ya go tsenya tirisong Molao o le mongwe wa Palamente o o tla dirisiwang Aforika Borwa yotlhe. Diporofense di tshwanetse go fiwa nako e e lekaneng go ka fetola melao eo ya tsona.
Fa go fetolwa melao e e tsamaisanang le ditiro tsa baeteledipele ba setso, go tla tlhokega gore Makgotla a Setso a newe yako ya go konosetsa melato e a tshwaraganeng nayo go ya ka melao e e neng e le teng fa melato eo e dirwa. Melato ya boikuelo e e saletseng morago kgotsa e e neng e ise e reediwe pele ga fa melao e mešwa e tsenngwa tirisong e tshwanetse go konosediwa go ya melao e e neng e le teng pele ga Molao o mošwa.
Go tlhophiwa ga gethwa ga baeteledipele ba setso jaaka batlhankedi ba ba tsamaisang Makgotla a Setso, katiso le maikano a kantoro.
Gore go netefadiwe tswelopele, baeteledipele ba setso ba ba tlhophilweng go reetsa melato ya dikgotlhang tsa setšhaba le ya bosenyi mme go tlhophiwa ga bona go ise go fetolwe ke molao o o rileng go ya ka Molao wa Tsamaiso ya Bantsho (Black Administration Act, 1927) kgotsa molao o mongwe, ba tshwanetse go dumelelwa go tswelela pele go reetsa melato ya dikgotlhang jaaka batlhankedi ba bosiamisi go fitlha ba newa ditiro stse dišwa go ya ka molao o mošwa. Baeteledipele bao ba setso ba tshwanetse go tsenela katiso e e maleba mme ba dire maikano gore ba kgone go tswelela pele ka ditiro tsa bona. Baeteledipele bao ba setso ba tshwanetse go fiwa nako ye e lekaneng go tsenela katiso le go dira maikano. Nako eo e tshwanetse go nna e e lekanyeditsweng gore ba ba amegang mo katisong eo ba kgone go fitlhelela ditlhokego tsa paka ya segompieno.
Letlhomeso le la pholisi le batla go tsosolosa le go matlafatsa tsamaiso ya meono ya bosiamisi jwa setso e e leng botlhokwa mo go fitlheleleng maitlhomo a phitlhelelego ya bosiamisi. Setlankana se ke ditlamorago tsa ditlhotlhomiso le ditherisano tse di tseneletseng le bannaleseabe mo tsamaisong ya bosiamisi mo teng le ka kwa ntle ga Rephaboliki. Se tlhoma motheo wa molao o mošwa o o tshitshinngwang o o ikaeletseng go diragatsa ditlamelo tse di mo teng ga Traditional Leadership and Governance Framework Act, o o ikuelang go Lefapha jaaka karolo ya puso go aba diabe le maikarabelo go setheo boeteledipele ba setso mo tsamaisong ya bosiamisi. Molaotlhomo wa Makgotla a Setso o tla tsweletswa kwa Palamenteng go diragatsa dintlha tsa pholisi tse di leng mo.
Khomferense ya Bommagiseterata ya bosetšhaba e e neng e rulagantswe ke Lefapha ka Lwetse 2007 e e neng e tsenetswe ke batho ba feta 500, go akaretsa baatlhodi-bagolo, bommagiseterata, Ditona, batlhankedi ba boatlhodi go tswa kwa dinageng tse di rileng tsa SADC, e ne ya buisana mo go nngwe ya dikhomišene tsa yona, ka botlhokwa jwa seabe sa boeteledipele ba setso mo go rotloetseng momagano ya loago le go samagana le tharabololo ya dikgotlhang. Khomferense e ne ya leba pholisi le maiteko a semolao a a tserweng mo pakeng e jaaka thuto e e botlhokwa thata e e tla thusang mo go ageng momagano ya loago le pusetso mo dinageng tse di neng di tletse dintwa.
Khomferense e, e e neng e le tshimologo ya puisano e e tseneletseng ka ga seabe sa makgotla a setso, e ne ya latelwa ke ditherisano tse dingwe fa Lefapha le ne le kopana le Ntlo ya Bosetšhaba le Dintlo tsa Diporofense tsa Baeteledipele ba Setso go buisana maiteko a pholisi a a tshwanetseng go nna motheo wa molao o o solofelwang.
ka 23 Ngwanatsele 2007 kwa Durban (kwa kemedi ya baeteledipele ba setso mo KwaZulu-Natal e neng e le teng); le vii ka 12 - 13 Sedimonthole 2007 kwa Gauteng kwa kemedi ya Ntlo ya Bosetšhaba ya Baeteledipele ba Setso le kemedi ya Ntlo ya Baeteledipele ba Setso ya porofense nngwe le nngwe e neng ya kopana le Lefapha go buisana ka pegelo e e rulagantsweng go tswa mo ditshwaelong tse di dirilweng kwa dithutanong tsa diporofense, ga mmogo le go rala Molaotlhomo wa Makgotla a Setso.
Ntlo ya Bosetšhaba ya Baeteledipele ba Setso e ne e na le kemedi kwa go nngwe le nngwe ya dithutano tsa ditherisano ke maloko a Komiti ya Tlhabololo ya Molaotheo ya Ntlo ya Bosetšhaba ya Baeteledipele ba Setso. Dithutano dingwe le dingwe tsa ditherisano di ne di bulwa ke Monnasetilo wa Ntlo ya Porofense ya Baeteledipele ba Setso e e maleba. Ntle le kemedi ya baeteledipele ba setso mo porofenseng nngwe le nngwe, boatlhodi, bothati jwa botšhotšhisi, Ditheo tsa Kgaolo 9, Mokgatlo wa Dipusoselegae wa Aforika Borwa (SALGA) le yona di ne di laleditswe, mme di nnile le seabe mo ditherisanong. Dikarolo tsa mafapha a diporofense a a ikarabelang mo mererong ya setso le tsona di ne tsa tsenala le go nna le seabe mo dithutanong.
Maikaelelo a thutano ya ditherisano.
tsamaiso e e isang kwa go konosetseng letlhomeso la pholisi le semolao la paka ya bosiamisi jwa setso ka go nyalana le Molaotheo, jaaka e tlhagelela mo Kgaolong 1.
dikgwetlho tse di lebaganeng le tsamaiso ya ga jaana ya bosiamisi, jaaka di tlhagelela mo Kgaolong 5.
dikarolo tse di supilweng tsa tsereganyo ya pholisi jaaka di tlhagelela mo Kgaolong 6.
Ditlhopha tsa tiro (dikhomišene), mo dikarolo tse di supilweng tsa tsereganyo ya pholising di neng tsa sekasekwa ka botlalo.
Dipegelo tse di tletseng ka dikhomišene ka bongwe ka bongwe le dipuisano ka kakaretso tse di tswelelang mo setlhopheng sotlhe.
go amogela botlhokwa jwa seabe le ditiro tsa setheo sa boeteledipele jwa setso mo tsamaisong ya bosiamisi; le go batla maikutlo mo dikarolong tse di tlhokang tshekatsheko ya pholisi.
Morago ga dithutano dingwe le dingwe, bannaleseabe ba ne ba kopiwa le go rotloediwa go nna ba batlisisa go ya pele mo teng ga ditheo tse di tshegetsang tsamaiso ya boeteledipele jwa setso mo mafelong a bona le go romela ditshitshinyo tse dingwe ka ga dintlha tse, go Lefapha.
Go tswa mo maikutlong a a neetsweng kwa dithutanong le dithomelo tse di amogetsweng morago ga moo, gareng ga tse dingwe, go tlhongwa ga baeteledipele ba setso jaaka batlhankedi ba ba elang tlhoko makgotla a setso go go tla ikaegang ka go tsenela thulaganyo e e maleba ya katiso, go dirwa ga melawana ya maitsholo go baeteledipele ba setso ba ba supilweng go ka diragatsa ditiro tse di amanang le tsamaiso ya bosiamisi, go nna teng ga tsamaiso ya boikuelo mo teng ga tatelano ya setheo sa boeteledipele jwa setso, go ntshiwa ga kemedi ya semolao mo mererong e e fa pele ga makgotla a setso le go tsenngwa tirisong ga dithulaganyo tse di rotloetsang tekatekano ya bong. Le fa go le jalo, go ne go na le maikutlo a a farologaneng magareng ga diporofense, sekao, diporofense tse dingwe di ne di bona gore boikuelo bo tshwanetse go diragadiwa ka dikgotlatshekelo tsa bommagiseterata.
Dikakanyo le dikatlenegiso tsotlhe tse di dirilweng morago ga dithutano tsa patlomaikutlo le setheo sa boeteledipele jwa setso di tserwe mo dikatlenegisong tsa pholisi tse di leng mo letlhomesong le la pholisi.
<fn>93103VQE2008.txt</fn>
Pampiri e, e arogantswe ka dikarolo di le THARO e leng A, B le C.
Baithuti ba tshwanetse go araba potso e le nngwe go tswa mo go KAROLO A, KAROLO B le KAROLO C.
Karolo nngwe le nngwe e simololwe mo tsebeng e ntšhwa mme kwa bokhutlong jwa karolo moithuti a thalele.
Tlogela mola mo magareng a dikarabo tsa gago.
Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang.
Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo.
Baithuti ba tla abelwa maduo a go dira lenaneo la thulaganyo le go baakanya tiro ya bona pele ba kwala.
Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 250 - 300 ka NNGWE fela ya ditlhogo kgotsa ditshwantsho tse di neilweng. Fa o dirisa setshwantsho go kwala tlhamo se neele setlhogo.
Sekaseka setshwantsho se se fa tlase, mme o tlhagise se se diragalang mo malapeng a rona ka metlha fa re lebeletse thelebišene. Anela ka mabaka a a utlwalang.
Leba ditshwantsho tse di fa tlase mme o ntshe maikutlo a gago mabapi le tsona.
E e mašwi ga e itsale.
Puso e dira sentle ka go tlamela bana ka madi. Dumela kgotsa o ganetse setlhogo se.
Kwala mmuisano magareng ga moruti le modirelaloago mabapi le nyalano ya batho ba bong bo le bongwe.
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. Karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 120 - 150.
O mogokgo wa sekolo. Kwalela batsadi lekwalo la semmuso o ba bolelele ka ga botlhokwa jwa go duela madi a sekolo.
O kopile tiro e o e boneng e phasaladitswe mo lokwalodikgang longwe, kwala Lokwaloikitsiso o lo romelele setlamo seo.
Kwalela Mookamedi wa Lefapha la Thuto memorantamo o mo go ona o ngongoregang ka ga go rutwa ka puo ya gae mo dikolong.
O leloko la mokgatlho wa bašwa wa kereke ya Lutere. Le le mokgatlho le tshwentswe ke tiriso e e botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi ka bašwa ba motse wa lona. Kwala pegelo ka dingongorego tsa lona le se se ka dirwang.
PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 30 KAROLO YA C DITLHANGWA TSE DIKHUTSHWANE TSA TIRISANO POTSO 3 Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. Karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 80 - 100.
Ka o le moeteledipele wa lekgotla la baithuti, o kopilwe ke mogokgo go dira mmogo le barutabana-bagolo ba sekolo go tlhama melao e e tla latelwang ke baithuti fa go iwa motantshong wa materiki. Kwala melao eo.
Bomogoloo, jaaka fa o le gofejane ba go solofeditse moletlo o mogolo fa o ka falola ditlhatlhobo tsa materiki. Thala le go itirela karata ya taletso e o tla laletsang ditsala tsa gago go tla moletlong.
Rre rraago o batla go rekisa sejanaga. Mo thuse go kwala phasalatso ya papatso ya sejanaga seo go ngoka kgatlhego ya bareki.
<fn>93111VMS2007.txt</fn>
O ne a nna fa fatshe.
Ba ne ba tlile go kopa setopo.
Go ne go omanwa / go lowa.
Ke ka gonne a tsaletswe kwa teng.
Gonne ke tsona tse di dirang modumo fa di kgobokane.
Ke ka gonne morwae Tsaone a laetse jalo / Bahurutshe ba ne ba mo tlhoile ka jalo morwae a sa batle gore ba mmoloke.
Tlamelo e ne e le ngwana wa bahumi ba Gaborone.
O ne a sa tlhaole a tsalana le mang le mang.
O simolotse go ithutela bobueledi kwa Unibesithing ya Botswana.
O ne a ikaeletse go tsweledisa dithuto tsa gagwe kwa Engelane.
Mo mophatong wa bone go ne go na le baithuti ba bannye le ba bagolo ba mafelo a a farologaneng.
Tlamelo o ne a itsege ka go kgaba.
Basadi ba diteropoba rata mekgabo le ditebego gonne di dira bannaba se ba lebale.
Thuto le mokgabo o ka se di kopanye ka nako e le nngwe.
Go ikanya khumo ya batsadi ga go a siama.
Ka ntlha ya mabaka a, Tlamelo o ne a sa dire sentle mo dithutong tsa gagwe.
Tlhalosi ya sediriswa/sediriso.
Re tshela noka.
Tsona di wela bana.
Ke ntlo ya tsona.
Tsotlhe di apere tshiamo.
Lotlhe le falotse.
Kwa gae go kgakala.
Sello o nna kwalefatsheng la Roma.
Kgomo eno e nonne.
Magong ao a metsi.
Ba a tsamaya gongwe re tla kopana.
O a opela e bile o a lela.
Nnyaa, ao ga se mathata a botshelo.
<fn>93113VQF2005.txt</fn>
Rulaganya mabaka le tiro ya gago sentle.
Dirisa mopeleto le matshwaopuiso ka nepo mme o kgaoganye mafoko sentle.
Kwala tlhamo ya boleele jwa tsebe di le PEDI ka nngwe ya ditlhogo kgotsa ditshwantsho tse di latelang tsedi tsosangdikakanyo tse di rileng mo go wena. Fa o tlhopha nngwe ya ditshwantsho o e neele setlhogo se se maleba.
Basadi ke digatlhamelamasisi.
Meaparo ya sekgoa e sentse setso sa rona.
Puso ga e re direle sepe.
Setswantsho ke seo; se lebe, mme morago o kwale tlhamo.
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e.
Kwalela tsala ya gago lekwalo, o e leboge ka moo ego thusitseng ka teng ka moletlo wa kgaitsadio.
O ne o etetse kwa Kapa malatsi a le supa, kwala bukatsatsi ya ditiragalo tsa malatsi a supa ao.
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. Karabo ya gago e nne boleele jwa tsebe.
Rakgadiago wa kwa Ditsobotla o iketse badimong. Kwalela rangwaneago telekeramo o mo itsise ka ga tiragalo e.
A ke o kwale tsa botshelo jwa moswi Atisang yo e leng mogoloo.
<fn>93113VQF2006.txt</fn>
Dirisa Setswana se se tlhapileng.
Rulaganya mabaka le tiro ya gago sentle.
Dirisa mopeleto le matshwaopuiso ka nepo mme o kgaoganye mafoko sentle.
Kwala tlhamo ya tsebe di le pedi ka ga NNGWE ya ditlhogo tse di latelang kgotsa ka ga setshwantsho SE LE SENGWE se se tsosang maikutlo le dikgopolo tse di rileng mo go wena. Fa o tlhopha setshwantshogo kwala tlhamo yagago, se neelesetlhogo.
Meaparo ke yona e tlisitseng tlhakatlhakano.
Go tsena sekolo kwa teropong go gaisa go se tsena mo gae.
Ka tla ka usetswa ke motho.
Mosola wa mme mo botshelong.
Sekaseka setswantsho se se latelang mme morago o kwale tlhamo.
Araba potso ele NNGWE go tse tharo tse di latelang. Karabo ya gago e nne boleele jwa tsebe e le nngwe fela.
Kwalametsotso ya kopano e eneng e tshwaretswe kwa sekolong sa gaeno e mo go yona kgankgolo ya letsatsi e neng e le barutabana ba ba sa ntseng ba dirisa thupa mo sekolong.
Itire sebuisegolo mo moletlong o go akgolwang mookamedimogolo wa Shoprite Checkers, yo o sutisediwang kwa lefelong le lengwe.
Araba potso e le NNGWE go tse tharo tse di latelang, mme karabo ya gago e se fete tsebe e le nngwe.
fekese O bone go phasaladitswe tiro ya borutabana jwa thekenoloji mo lokwalodikgang la SOWETAN. Kwala molaetsa wa o mo go ona o lopang / kopang tiro eo.
<fn>93122VMF2005.txt</fn>
Moetapele ke sekgoreletsi o ema batho pele/kgoreletsa batho mo tswelopeleng ga a utlwelele dikakanyo le dikgakololo tsa batho ba bangwe/ o busa a le nosi. Moeteledipele outlwelela bathoba a ba eteletseng pele/ o tsaya dikakanyo le dikgakololo tsa batho.
Go thusa motho yo mongwe.
Go tenega/go hupa tedu.
Batho ga re lekane re se meno.
Le kwadilwe ka ditemana.
Puo ga e bofitlha.
Go tsenya mong ka wena mo mathateng ga go a siama.
Morumo wa kwa bofelelong moetapele moeteledipele.
Poapoeletso ya tumanosi o.
E se re fa re kopana le mathata mo botshelong moetapele a se re thuse.
Go ipopa go nna ngata e le nngwe e e tlhabologileng.
O ne a sa rate fa Mmamotia a re o a mo tlogela, mme a batla gore ba bue kgang ya bona sentle. O ne a sa batle gore Ponalo a senye lerato la gagwe le Mmamotia ka go tla kwa ga gagwe.
O belaela gore go sengwe se se sa yeng ka tsela ka ntlha ya karabo ya Mmui B/Sakoma.
Dikgang tsa bona di ka senngwa ke fa a ka bua leina.
Sakoma o ne a bolaya Ponalo ka ntlha ya fa a tshabisitse Mmamotia.
O batla gore ba buisane sentle gonne bathofa ba tsena mo nyalongga ba a tshwanela go gogagogana.
Nnyaa, Ga go opewa kwa gaaboyoo nenga rwalela Mmamotia ditlhako go kopa sego sa metsi, ka jalo a ka se mo laole. Gape Mmamotia ga a tlhole a rata Sakoma, mme ebile o mmoleletse ka maikutlo a gagwe.
Go kgaogana/go tlogelana.
Go bua fa o bowa kwa o yang teng.
Kwa sekgweng sa Matlwang.
O ne a ya go lalelabathobaba fologang mo setimeleng.
Go ba bolaya fa a sa fitlhele sepe sa botlhokwa mo go bona.
Nyaa o ile a palelwa.
Le ne la bolawa.
Kwa kantorong ya maphodisa.
O ne a utlwela kwa ba nnang gona.
Gore ntlo e ba nnang mo go yone ga e tshubiwe dipone e tshujwa ka masa.
O fitlhetse mong wa ntlo a tshabile.
Go ralala / go tlolela.
A sa tlhodie.
POTSO 4 Ntlhabele dinaane: Z.A.
Dinaane tsa batho.
Baanelwabagolo ke batho, diphologolo di tlaleletsa fela.
Tsholofelo ga e jese ditlhong.
Dithupa di fetoga bana.
Bana ba a mowafala.
Bana batlhaga ba setse ba itse go bua.
Segwagwa se kopa dijo, e bile se tshepisa mosadi ngwana, se itse jang gore bothata ke ngwana?
E re o bo bona, o bo sikologe.
O ne a sa rate go tshwana le mogoloe Mmatshegofatso yo o neng a ja ditlhare ka meno morago ga go latlhwa ke lekau le a neng a ratane le lona lobaka lo loleele.
Lesilo ke moselateledi.
Ke tsala ya gagwe ya tlhogo ya kgomo.
O ratane le ngaka Moatlhodi Keitsile ntswa a ntse a ratana le Mathulwe. O dumetswe go tseewa ke ngaka Moatlhodi a ntse a ratana le Mathulwe.
Buka ya ditshwantsho.
Ya dithoto le ya semowa.
<fn>93123VQF2005.txt</fn>
Pampiri e, e arotswe ka dikarolo tse tharo A, B le C.
Araba dipotso go tswa mo dikarolong tse di farologaneng.
Tlhaloganya potso pele o e araba.
Rulaganya mabaka le tiro ya gago sentle.
Dirisa mopeleto le matshwaopuiso ka nepo mme o kgaoganye mafoko sentle.
Kwala tlhamo ya tsebe le halofo ka ga NNGWE ya ditlhogo kgotsa ditshwantsho tse di latelang tse di tsosang dikakanyo tse di rileng mogowena.
Ke ne ke mo ratile.
Mo nakong ya thekenoloji.
Rre/ mme ke tlhogo ya lelapa.
Ra tla ra tsiediwa ke batho.
Araba potso e le NNGWE mo karolong ya B. Karabo e nne boleele jwa tsebe e le NNGWE.
Kwala lekwalo le mo go lona o kopang tiro ya letogo / nakwana go tla go dira ka mafelo a beke le malatsi a boikhutso kwa lebenkeleng la Spar mo tikologong ya gaeno; ba itsise tsotlhe ka ga gago.
O moemedi wabašwa mo tikologong ya gaeno. O kopilwe goema bašwa ka lefokomabapi le gorarabolola mathata ka go fedisa matsheloa bona (ipolaya). Kwala puo e o tla neelanang ka yona.
Sekaseka setshwantsho se se fa tlase mme morago o kwale pegelo ka ga Khomforense ya Boditšhabatšhaba e o neng o e tsenetse kwa Kapa. Tlhagisadiphitlhelelo le dikatlanegiso tsa gago.
Araba potso e le NNGWE mo karolong ya C. Karabo e nne boleele jwa tsebe e le NNGWE.
MadireloaReef Plastic a tlhokabasimane/ basetsana ba ba falotseng Setlhopha sa somepedi go a direla mme mo ngwageng o o latelang ba romelwe kwa sekolong ka ditshenyegelo tsa ona.
C.V. jwa gago.
Kwalela Modulasetulo wa mokgatlho wa bašwa memorantamo mme o mo gakolole ka ga kopano e e tla tshwarwang fa gautshwane mabapi le petelelo e e kwa godimo ya masea lebanaba basetsana.
Sekaseka setshwantsho se se fa tlase mme morago o kwalele tsala ya gago taletso.
<fn>93123VQF2006.txt</fn>
Pampiri e, e na le dikarolo tse tharo e bong A, B le C.
Sekaseka setshwantsho se se latelang mme o kwale tlhamo e e ka tsamaelanang le sona. Neela tlhamo ya gago setlhogo.
Petelelo ya bana mo nageng ya rona.
Basetsana ba baimana ba dumelelwe go tla sekolong.
Botlapa bo jesa maswe.
Botlhokotsebe ga bo na tuelo e ntle.
Sekaseka setshwantsho se se latelang mme o kwale tlhamo e e ka tsamaelanang le sona. Neela tlhamo ya gago setlhogo.
Araba potso e leNNGWE fela go tswa mo karolong e. Karaboya gago e nne tsebe e le nngwe fela.
Kwalela tsala ya gago lekwalo o e itsise gore ditlhatlhabo tsa Seetebosigo di ne di ntse jang.
Go le gantsi baithuti ba neelwa tirogae mme e re fa ba tla sekolong mo letsatsing le le latelang ba bo ba sa dira tiro eo. Sekakaseka ntlha e, mme o kwalele komiti ya sekolo SGB pegelo ka diphitlhelelo tsa gago le se se ka dirwang go tokafatsa maemo.
Ntsalao o ntse a ithutela go nna mmueledi mme o falotse. Jaanong o laleditswe go tla moletlong wa dikapeso, kwalapuisano e o tla e tsayang le malomaago ka gore moletlo o ne o ntse jang.
Araba potso e le NNGWE fela mo dipotsong tse di latelang. Karabo ya gago e tlale tsebe fela.
Sekaseka setshwantsho se mme morago o dire phasalatso mabapi le sona.
<fn>Budget Peoples guide tswana 2008.txt</fn>
Kaelo go Setšhaba...
Re tla fenya o gola ga ikonomi ya lefatshe go tsamaya ka iketlo gape ga go tsepamo mo dimarak-eng tsa lefatshe. Ga e sale ka 2001 go bonala ikonomi e tlile go nna bokoa tota. Se se tlile go ama ikonomi ya Afrika Borwa. Le fa gontse jalo ikonomi ya rona e na le motheo o o tsepa-meng, madi a setshaba le ona a ntse sentle, go jalwa ga madi go a gola mme ga re lebela pele ikonomi e tlile go gola sentle. Re tlile go fenya.
E setse e le nako e telele ikonomi ya rona e gola jaana. Seno ga re se itse mo dingwageng tse di lekanang le 50. Mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng ikonomi e ntse e gola go lekanyediwa go5% ka ngwaga. Go tloga ka 2001 re tlhodile ditiro di le milione o le mongwe.
Ka ntlha ya gore ikonomi e gola ka bonako, le jaaka tiriso ya madi a setshaba e kgatlhisa, tiriso ya madi e godile thata go tloga ka ngwaga wa 2001. Seno se feta kgolo ya ikonomi. Ka jalo madi a mantsi a dirisitswe go reka ditlamelo tsa thuto, maphelo, katlaatlelo-loago, matlo, bopodisi, dipalangwa tsa botlhe, mabala a metshameko, dit-sela le kgolegelo.
Le fa ikonomi e ntse e gola ka seelo se se kwa godimo jaana, re nnile le mathata. Lefatshe la rona le tlhoka batho ba banang le bokgoni, matla a mot-lakase le ona ga a lekane, go pitlagana ga mebila le go tlhaela ga samente. Tsotlhe ke dit-shupo tsa gore ikonomi e gola ka bonako. Mme gore e gole go feta re tshwanetse go jala madi go bona bokgo-ni, mafaratlhatlha, mitshini le didiriswa, mo mebileng le dipalangwa tsa botlhe.
Ka ntlha ya dikgoreletsi tse, le ka ntlha ya tikologo ya lefatshe e e bokoa, ikino-mi ya rona go bonala e tla gola fela kadiperesente tse 4% go ya go 4½% mo dingwageng tse tharo tse di latelang. Kgolo e e bonya ga re e bapanya le ya dingwaga tse tlhano tse di fetileng, mme e santse e le matlhagatlhaga mo lefat-sheng le le jaaka Afrika Borwa. Sa botl-hokwa ke gore re tlile go tswelela pele ka go jala madi re baakanyetsa bokamoso.
Mo dingwageng tse tharo tse di latelang, tekanyet-sokabo ya 2008 e aba madi a mantsi go thusana le maitlhomo a gore madi a phentshene a fitlhelele banna ba ba fa gare ga dingwaga tse 60 le 64, go oketsa ditirelo tsa go fepa bana kwa dikolong, go tlhabolola ditirelo tse dingwe ko dikolong, go tlisa ditirelo tsa metsi le tsa boithusetso, go jala madi mo mafaratlhatlheng a tsa dipalangwa tsa botlhe, go tlhatlhosa tuelo ya barutabana le baoki, go oket-sa lenane basekisi lebomagiseterata, go atolosa dikgolegelo le go rotloetsa batho go dirisa matla a motlakase ka bonontlhotlho, le go rekisa ditswan-tle. Re tshwere phage ka mangana re dira gore mmuso o direle batho botoka le gore re bone boleng mo mading otlhe a a dirisiwang.
Ga re ntse re bona dipholo tse di botoka ka tiriso ya madi a setšhaba le ka go jala madi a mantsi, re ka kgona go godisa ikonomi ya rona ka seelo sa 6%. Re tshwanetse go semelela. Motheo wa ikonomi ya rona o tsepame mme o tsile go bonwa gore o tsepame jang mo dingwageng tse pedi tse di latelang. Ga setšhaba sotlhe sa Afrika Borwa se dira ka natla mme re na le motheo tse di siameng re ka gola ka bonako mme re ka dira phapang mo maphelong a setšhaba sa rona.
ithulaganyo tsa Afrika Borwa tsa met-shameko ya kgwele ya dinao di dirwa ka bonako. Re aga mabala a metshameko, dipatlelo a go ikatisa, le mabala a babogedi. Re tlhabolola dipalangwa tsa botlhe. Dilo tsotlhe tse di lebaneng le metshameko e di etswe tlhoko mme di a siamisiwa - motlakase, tsa go gasa metshameko, mo baeti bat la nnang teng, tsa boeti, go bontsha bontle ba diteropo tsa rona. Gape re baakanyetsa sengwe le sengwe se se ka diragalang.
Go simolotswe go agiwa ka 2006. Mabala-magolo a le matlhano o na a tlhabololwa - Johannesburg, Mangaung, Polokwane, Rustenburg le Tshwane. Tiro e e simolotse ka Lwetse 2007.
Go agiwa ga disetediamo tse go tlhola ditiro tse di 170 000 tsa nakwana. Mmuso o ne o abile R8.4 bilione go aga le go tlhabolola disetediamo. Bokhutshwane ba nako bo dirile gore ditshenyegelo di tlhatlhoge ka gore dis-etediamo tse ditshwanetse go siamela metshameko ya Confederations Cup ka Sedimonthole 2008, mme tsa 2010 ka Sedimonthole 2009. Mmuso o bone go le matshwanedi go oketsa madi a ka R1.2 bilione. Se se dirile gore madi otlhe e nne R9.6 bil-ione.
Fa godimo ga fao R9 billion e betswe go thusa ka tsotlhe tse di mabapi le dipalangwa tsa botlhe tse di lebaneng le metshameko e.
Kgodiso ya madi a katlaatleloloago o feta batho ba badimilione di le 12 mo Afrika Borwa ba amogela madi a kat-latleloloago. Madi a a thusa batho ba ba leng mo maemong aa boima jaaka batsofe le bana, bao ba golofetseng le bao bas a kgo-neng go dira. Madi a a leng gone ke phentshene ya batsofe, madi a bana le bao ba itshetlegileng ka madi a.
Mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng bana bao ba amogelang madi a katlatleloago ba ntse ba oketsega. Madi a go tlhokomela bana ba dikhutsana le bao ba tswang ko mag-aeng a a dikobo di khutshwane ke ona mokokotla wa matsapa a go tlhokomela botl-he.
Mo ngwageng wa 2008/09 (kete-pedi golo-a robedi/robonngwe) madi otlhe a a tla dirisedi-wang katlatlela-loago a tla okediwa go nna R69 billion (dibilione dile some-a-marataro le borobonngwe), a lekanang le diporesente di le lesome (10 %) tsa tiriso ya madi a puso.
Ya go tlhokomela bana e tloga go R200 go ya go R210 ka kgwedi go tloga ka 1 Motsheganong 2008 mme e ya go nna R220 ka kgwedi go tloga ka kgwedi ya Diphalane.
Go dithulaganyo tse dingwe tse dintsi tse di tlhokomelang magae a a kobo dikhutshwane. Bana ba ba amogelang madi a katlaatleloloago ga ba duele madi a sekolo. Bana bao batsadi ba bona ba amogelang madi a mannye le bona ba ka bona tšhono ya go se duele madi a sekolo. Bana botlhe ba ba ka pa tlase ga dingwaga tse thataro ba bona ditirelo tsa pholo kwantle ga tuelo. Batho botlhe ba ba bonang madi a kat-laatleloloago mme ba se na motheo wa itshireletso ya botshelo maphelo ba bona ditirelo tsa pholo kwantle ga tuelo kwa maoke-long a botlhe.
<fn>ConstitutionalCourt. Constitution(2009).2010-10-13.tn.txt</fn>
Borwa, Molao 108 wa 1996', se emetswe ke.
Fela fa go kailwe ka mokgwa mongwe - lebelela gape k.
dintlha tsa tlaleletso.
Mametlelelo 6A e tsentswe ka k. 6 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bolesome ya Molao wa 2003 mme e phimotswe ke Molaotheo Tlhabololo ya Bosomenne ya Molao wa 2008.
Mametlelelo 6B, e e neng e le Mametlelelo 6A, e tsentswe ka k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo ya Borobedi ya Molao wa 2002, e e neilweng nomoro e ntšhwa ke k.6 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bolesome ya Molao wa 2003 mme ya phimolwa ke k. 5 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosomotlhano ya Molao 2008.
tshwaragane mo go farologaneng ga rona.
le mongwe a sireleditsweng ka go lekana ke molao.
A Modimo a sireletse Setšhaba sa rona.
Nkosi Sikelel' iAfrika. Morena boloka setšhaba sa etsho.
God seën Suid-Afrika. God bless South Africa.
Mudzimu fhatutšhedza Afurika. Hosi katekisa Afrika.
ditshwanelo tsa botho le dikgololosego.
go sa kgethololeng ka bomorafe le ka bong.
bogolo jwa Molaotheo le puso ya molao.
tshwanelwa go diragatswa.
Go na le boagi bo le nosi jwa Aforika Borwa.
le pusetso ya boagi.
Setebele, Sethosa le Sezulu.
tsweletsa tiriso ya dipuo tse.
tshwanetse go dirisa di le pedi tsa semmuso.
le go kgatlhegelwa ke baagi ba bona.
tiriso ya dipuo tsa semmuso.
dirisediwang maikaelelo a borapedi mo Aforika Borwa.
mo Aforika Borwa.
seriti sa botho, tekatekano le kgololosego.
ditshiamelo tsa Molaotlhomo wa Ditshwanelo.
pateletswang ke tshwanelo eo.
tshwanelo, fa fela phokotso eo e le go ya ka karolo 36(1).
tsa ditshwanelo le tsa mothomolaong oo.
tshireletso le tekanelo e e lekanang ya molao.
lekalekanang jwa ditshwanelo tsotlhe le dikgololosego.
sa lolama, di ka tsewa.
bodumedi, maikutlo, tumelo, setso, puo, le matsalo.
ya ka karolowana(3).
tsenngwa mo tirisong go thibela kgotsa go etsa kgethololo e.
tlhomamisitswe gore kgethololo e lolame.
tlotlwe mme se be se sirelediwe.
Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya botshelo.
bothong kgotsa mo go sotlang.
go neela tetla.
dirisiwa ka bolala le fa e le ka pateletso.
sephiri sa tlhaeletsano ya bona go se kgorelediwe.
maikutlo, bodumedi, mogopolo, tumelo le kakanyo.
go di tsenela go gololesegile e bile ka ithaopo.
lepalepana le dithulaganyetso tse dingwe tsa Molaotheo.
go kokoana, go dira tshupetso, go phiketa, le go neelana ka diphetišene.
Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya kgololosego ya kamano.
kgaratlhela lebaka lengwe.
nngwe le nngwe e e tlhomilweng go ya ka Molaotheo.
tlhophilwe, a nna mo tirong eo.
Ga go moagi ope yo o tla ganelwang boagi.
le go aga gongwe le gongwe mo Rephaboliking.
tiro kgotsa boithutelo ka kgololosego.
boithutelotiro, e ka laolwa ka molao.
go ngala tiro.
go bopa le go nna tokololo ya mokgatlho wa fetereišene.
go laola kgaratlhelo ya ditshiamelo ka mogoso.
e tshwanetse go dumelelana le Karolo 36(1).
siameng ya ikonomi le e e siameng ya loago.
letlang go tseelwa dithoto ka kgobelelo.
sweditswe kgotsa go rebotswe ke kgotlatshekelo.
mabaka a go amogiwa dithoto.
dithoto ga di lekanyelediwe fela mo nageng.
kgotsa tshiamisetso e e e kalekanang.
isega go ya ka dithulaganyetso tsa karolo 36(1).
umakiwang mo dikarolwaneng tsa(6).
ka dithata tse di gona, go tsweletsa phitlhelelo ya tshwanelo e.
morago ga mabaka otlhe a sekesekilwe.
letlang go kobiwa ka kgobelelo.
go fitlhelela nngwe le nngwe ya ditshwanelo tse.
Ga go ope yo o tla ganelwang kalafi ya tshoganyetso.
go sirelediwa mo dinakong tsa kgotlhang ya dibetsa.
otlhe a a amang ngwana.
fa seo se kgonagala.
tsa thuto tsa botlhe fa a tshwantshanngwa.
ya Molaotlhomo wa Molaotheo.
borapedi le puo le ditheo tse dingwe tsa setšhaba.
go dirisetswa kana go sireletsa ditshwanelo dingwe.
madi mo pusong.
mo molaong, e e isegang e bile e lolame ka dithulaganyo.
mabaka a a kwadilweng.
go etleetsa tsamaiso e e siameng.
le le ikemetseng kgotsa kokoano nngwe.
letsatsing le e e seng la kgotlatshekelo la tlwaelo.
ka taolo ya mabaka a a isegang.
ngaka e a e itlhophetseng.
kgotlatshekelong e kgolwane.
yoo a e tlhaloganyang.
kgopakgopetsa tsamaiso ya bosiamisi.
mekgwa e e iletsang e mennye go fitlhelela maikaelelo.
mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo.
kgoeletso e tlhokega go lere kagiso le tolamo.
e e tshegediwang ditokololo tsa Kokoano.
le 60 tsa ditokololo tsa Kokoano.
di tserweng, ka lebaka la kgoeletso ya maemo a tshoganyetso.
bo bo kgonegang morago ga go tsenngwa mo tirisong.
karolo eo mo kholomong 3 ya lenaane leo.
motho yo, o tlhatlhetswe.
ka ntlha ya tsona.
lekolwa ke ngaka ka nako nngwe le nngwe e e isegang.
etelwa ke ramolao ka nako nngwe le nngwe e e isegang.
kgotlatshekelo lebaka le le tiileng la go tlhatlhela motho yoo.
kgotlhang ya dibetsa ya boditšhabatšhaba.
ga batho ba mothale o.
setheo se dira mo kgatlhegong ya ditokololo tsa sona.
go sekaseka molao wa seeng.
maikaelelo a Molaotlhomo wa Ditshwanelo.
peo-molao, go fitlhelela moo di dumelelanang le Molaotlhomo.
thusana le go golagana.
go tila go tseelana dikgato tsa semolao.
ya dikganetsano gareng ga puso.
ikuela kwa kgotlatshekelong go rarabolola kgotlhang.
ditheo tsa puso tse di amegang.
Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense.
tlhalosiwang mo Molaotheong.
puso ya batho mo tlase ga Molaotheo.
tlhatlhoba le go tlhokomela tiragatso ya ona.
lekaleng la puso ya bosetšhaba.
di ba amang.
tlhomamisa gore bonno ba Palamente bo nne felo gongwe.
Bommasepala, jaaka go tlhagisitswe mo karolong 156.
nngwe e e fetisitsweng ke Kokoano Bosetšhaba.
kgotsa kgatlhanong le dikgatlhego tsa naga ka bophara.
mongwe le mongwe o kwadilweng mo go Mametlelelong 4.
ga maparego a Molaotheo.
di tlhomilweng mo mabakeng a temana(b).
dipholo, ka kakaretso, ka boemedi bo bo lekalekanang.
Kl.(1) e tlhabolotswe ke k. 1 ya Molao 2 wa 2003.
tlhomamisa palo ya ditokololo tsa Kokoano Bosetšhaba.
Karolwana. (1) e tlhabolotswe ka karolo 1 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bolesome ya Molao wa 2003 le ka k. 1 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosometlhano ya Molao 2008.
tsayang a sa itekanela mo tlhaloganyong.
go fitlhelela nako ya Kopokgolo e feta.
tse tlhano katlholo e weditswe.
Karolwana. (3) e tlhabolotswe ka karolo 3 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bolesome ya Molao wa 2003 le ka k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosometlhano ya Molao 2008.
tladiwa go ya ka molao wa bosetšhaba.
tlhomamiso go ya ka Mametlelelo 2.
Kokoano Bosetšhaba e tlhophelwa paka ya dingwaga tse tlhano.
e khutlileng ka yona.
khutla ga paka ya Kokoano Bosetšhaba.
Kl(2) e emetswe ke k. 1 ya Molaotheo Tlhabololo ya Botlhano wa Molao wa 1999.
di kgapetsweng thoko ka ona.
ditlhopo tsa Kokoano e nngwe.
fa ngwaga tse tharo di fetile e sa le Kokoano e tlhophilwe.
30 morago ga phatlhatiro e ntse teng.
boleele ba dipitso tse dingwe le dipaka tsa khunologo tsa yona.
Kl.(1) e emetswe ke k. 1 ya Molaotheo Tlhabololo ya Botlhano Molao wa 2001.
rulaganyeditswe mo melawaneng le ditaelo tsa Kokoano.
ditokololo tsa yona.
Mmusakgotla, kgotsa a rebole moatlhodi o mongwe go dira jalo.
Mmusakgotla o okama ditlhopho tsa Motlatsa Mmusakgotla.
Kl.(2) e emetswe ke k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo ya Borataro Molao wa 2001.
Mmusakgotla tiro ka tshwetso.
ba tshwanetse go nna teng fa tshwetso e tsewa.
ba okamang go thusa Mmusakgotla le Motlatsa Mmusakgotla.
jwa diboutu tse di neetsweng.
ditokololo tsa Kokoano.
Kokoanong, mme ga ba na go bouta.
Kl.(54) e emetswe ke k. 4 ya Molaotheo Tlhabololo ya Borataro Molao wa 2001.
Melaotlhomo ya ditšhelete.
setheo sengwe le sengwe sa puso.
maikarabelo bosenangbofitlha le kamego ya botlhe.
mo Kokoanong jaaka Moeteledi wa Kganetso.
Kokoano kgotsa nngwe ya dikomiti tsa yona.
K.58 e emetswe ke k. 4 ya Molaotheo Tlhabololo ya Borataro Molao wa 2001.
peomolao ya Bosetšhaba.
Letloleng la Lotseno lwa Bosetšhaba.
motho mongwe le mongwe.
buletsweng botlhe le ba demokerasi.
tsa karolo 61(2).
tlhogo ya kemedi.
ka thulaganyo e e atolositsweng mo Karolo B ya Mametlelelo 3.
Tema (b) e tlogetswe ke Molaotheo Tlhabololo ya Bosomenne ya Molao wa 2008.
Kl.(2) Kl.(2) e emetswe ke k. 1 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borobongwe wa Molao wa 2002 le ka k.
tokololo ya kgotlapeomolao ya porofense.
Tema (b) e tlogetswe ka k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosomenne ya Molao wa 2008.
Kl.(3) e emetswe ke k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borobongwe wa Molao wa 2002.
laetseng tatlhegelo ya tiro jaaka moemedi wa leruri.
mabaka a peomolao ya bosetšhaba.
Molaotheong, go ya ka Mametlelelo 2.
boleele ba dipitso tsa yona le dipaka tsa khunologo.
merero e e kgethegileng.
le fa go rulaganyeditswe mo melawaneng le ditaelo tsa Khansele.
paka ya bona jaaka baemedi e fela pele ya nako.
ka go latelana jalo.
go dira jalo.
Kl.(4) e emetswe ke k.
dira mo go tlhophiweng ga Modulasetulo le Batlatsamodulasetulo.
bangwe gape go thusa Modulasetulo le Batlatsabadulasetulo.
tlhano di bouta go dumelelana le potso.
tsona go neela diboutu mo boeng ba tsona.
ba ka bua mo Khanseleng, mme ga ba letlelwe go bouta.
kgotsa ya komiti ya Khansele.
mme ga ba na go bouta.
Melaotlhomo ya ditšhelete.
maikarabelo, e e mo pontsheng le kamego ya botlhe.
morero o tshwanetse go swediwa go ya ka karolo 75.
dikomiti tsa yona.
mo dikarolong 66 le 67, di ka bewa ke peomolao ya bosetšhaba.
e e tlhamaletseng go tswa Letloleng la Lotseno la Bosetšhaba.
go tlosiwa ga motho mongwe le mongwe.
boaging jo bo buletsweng botlhe le ba demokerasi.
Kl.(2) e emetswe ke k.
Kl.(3) e emetswe ke k. 1(b) Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001.
Diporofense e ka tlhagisang Molaotlhomo mo Khanseleng.
romelwa go Kokoano Bosetšhaba.
diboutu tsa bonnye ba diporofense di le thataro.
diboutu tsa bonnye ba diporofense di le thataro.
golaganeng le ditlhabololo.
se tlhabololo e go tlhokegang gore e fetisiwe ke Khansele.
boikhutsong fa Molaotlhomo o tlhagisiwa.
tsa porofense kgotsa diporofense tse di amegang.
gore a o rebole.
kgapela Molaotlhomo thoko.
Poresidente go o rebola.
ya swetsa go se tswelele ka Molaotlhomo.
Poresidente go rebola.
go kgapela Molaotlhomo thoko.
Poresidente go rebola.
tshwanelwa go neelwa Poresidente go o rebola.
Sebopego se sengwe sa Molaotlhomo.
newa Poresidente go o rebola.
neelwa Poresidente go o rebola.
tshwanetse go neelwa Poresidente go se rebola.
bonnye ba pedi-tharong ya maloko a yona.
ya ditokololo tsa yona.
go Poresidente go o rebola.
go kgaphela Molaotlhomo thoko.
tshwanelwa go romelwa go Poresidente go o rebola.
sebopego se sengwe sa Molaotlhomo.
Molaotlhomo ga o sa tlhole o dira.
wa neelwa Poresidente go o rebola.
neelwa Poresidente go o rebola.
Poresidente go se rebola.
Bosetšhaba, Molaotlhomo ga o sa tlhole o dira.
dikgatlhego tsa matlotlo tsa lekala la puso ya porofense.
Tema(b) e emetswe ke k. 1 Molaotheo Tlhabololo wa Bosomenngwe wa Molao wa 2003.
ba bouta go dumelelana le ona.
ba ditokololo tsa Kokoano ba bouta go dumelelana le ona.
Karolo e, ga e amane le Melaotlhomo ya ditšhelete.
mo karolong 214 o o dumelelang dituediso tsa tlhamalalo.
Lotseno lwa Bosetšhaba.
ka thulaganyo e e tlhagisiwang ke karolo 75.
tšhelete fa pele ga Palamente.
K. 77 e emetswe ke k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001.
Diporofense, a supilwe ke kemedi.
morago go Kokoano Bosetšhaba go sekwasekwa sešwa.
Bosetšhaba ya Diporofense.
fetisiweng ga Molaotlhomo.
ka bomolaotheo ba ona.
Molaotheong, Poresidente o tshwanela go o rebola le go o saena.
ga o ka fa molaotheong.
fa kopo e na le tšhono e e isegang ya go atlega.
le tšhono e e isegang ya go atlega.
ditaelo tsa Molao.
go nna mo polokegong.
Tlhogo ya Naga le tlhogo ya Khuduthamaga ya Bosetšhaba.
Ntlhakakaretso: Ditebogo tsa tlotlo tse di tsentsweng mo Kuranteng ya Puso 24155 ya 6 Sedimonthole, 2002 le mo Kuranteng ya Puso 25213 ya 25 Phukwi, 2003.
go abela diala tsa tlotlo.
diragadiwa mo go tlhopheng Poresidente.
Kl(2) e emetswe ke k. 6 Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.
phatlha e ntse teng.
Kl(3) e emetswe ke k. 6 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.
go Rephaboliki le go ikobela Molaotheo go ya ka Mametlelelo 2.
go mo tlhatlhama a tsaya maemo.
tse di latelang tsa Poresidente, ga e tsewe e le paka ya tiro.
Go tlhoka bokgoni jwa go dira ditiro tsa maemo a gagwe.
maemong ape a puso.
Tona e e supilweng ke Poresidente.
Tona e e supilweng ke ditokololo tse dingwe tsa Kabinete.
e supa mongwe wa maloko a yona.
ditiro tsa Poresidente.
Molaotheo, go ya ka Mametlelelo 2.
a tsaya tiro.
Kl.(4) e tlaleleditswe ke k. 1 ya Molao ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 1997.
Motlatsa Poresidente le Ditona.
dithata le ditiro, e bile o ka ba rola tiro.
Kokoano ya Bosetšhaba.
moeteledipele wa merero ya puso mo Kokoanong ya Bosetšhaba.
diragatseng ditiro tsa puso.
bongwe fela go Palamente ka tiragatso ya ditiro tsa bona.
merero e e mo taolong ya bona.
K. 93 e emetswe ke k. 7 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.
latelang a simolola go dira.
Rephaboliking le boikobo go Molaotheo go ya ka Mametlelelo 2.
go humisa motho mongwe ka mokgwa o sa lolamang.
tokololo e nngwe.
ao, kgotsa tiro eo.
ya Kgotla Khuduthamaga ya porofense kgotsa go Khansele ya Mmasepala.
e tsena mo tiragatsong fa o phasaladiwa ke Poresidente.
naga ka bophara.
Kl.(1) e tlhabolotswe ke k. 2(b) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosomenngwe wa Molao wa 2003.
maleba go khuduthamaga ya bosetšhaba.
Kl.(2) e emetswe ke k. 2(c) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosomenngwe wa Molao wa 2003.
K. 100 e tlhabolotswe ke k. 2(a) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosomenngwe wa Molao wa 2003.
e na le ditlamorago tsa semolao.
ama tiro e e abetsweng tokololo eo ya Kabinete.
fa tlase ga peomolao di tshwanetse go fitlhelelwa ke botlhe.
go amogelwa ke Palamente.
go bopa Kabinete sešwa.
bangwe le bangwe ba tshwanelwa ke go rola tiro.
k. 1 e emetswe ke k. 3 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosomenngwe wa Molao wa 2003.
Khansele ya Mmasepala mo porofenseng eo.
le molaotheo wa porofense eo.
ka mabaka otlhe go ya ka lenaane la Mametlelelo 4.
Molao wa Palamente o okamang molao wa porofense.
dipholo, ka kakaretso, ka boemedi ba kelano.
k.(1) e tlhabolotswe ke k. 3 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bolesome wa Molao wa 2003 le ka k. 3 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosomenne ya Molao wa 2008.
gare ga 30 le 80.
kaetso e e beilweng ka peomolao ya bosetšhaba.
ya boikuelo e feta.
tlhomilweng ke peomolao ya bosetšhaba.
jaaka tokololo ya kokoanong ya porofensetlapeomolao.
Kl.(3) e emetswe ke k. 4 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bolesome wa Molao wa 2003.
tlatswa go ya ka peomolao ya bosetšhaba.
tlhomamiso go ya ka Mametlelelo 2.
Kokoano ya porofense e tlhophelwa paka ya dingwaga tse tlhano.
e fedileng ka yona.
kokoano ya porofense.
Kl.(2) e emetswe ke k. 1 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bone wa Molao wa 1999.
kgapetsweng thoko ka ona.
kgotlapeomolao e e latelang.
dingwaga tse tharo di fetile e sa le Kokoano e tlhophilwe.
malatsing a le 30 morago ga phatlhatiro e ntse teng.
ga dipholo tsa ditlhopho di fetsa go phasaladiwa ka tlhomamo.
dipitso tse dingwe le dipaka tsa khunologo.
Kl.(1) e emetswe ke k. 8 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.
nako nngwe le nngwe go rera merero e e kgethegileng.
gore e tsenela pitso gona.
ditokololong tsa yona.
moatlhodi o mongwe go dira jalo.
ditlhopho tsa Motlatsa Mmusakgotla.
Kl.(2) e emetswe ke k. 9 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.
Motlatsa Mmusakgotla tiro ka tshwetso.
peomolao ba tshwanetse go nna teng fa tshwetso e atlanegisiwa.
okamang go thusa Mmusakgotla le Motlatsa Mmusakgotla.
di swetswa ka bontsi jwa diboutu tse di tlhageletseng.
ditokololo tsa kgotlapeomolao.
tsa yona mme ga ba na ba bouta.
leruri go tsena pitso ya yona kgotsa ya dikomiti tsa yona.
Melaotlhomo wa ditšhelete.
setheo sengwe le sengwe sa puso ya porofense.
kgatlhego kgotsa ditheo.
kgotlapeomolaong, jaaka Moeteledipele wa Lekoko Kganetso.
Kgotlapeomolao kgotsa nngwe ya dikomiti.
ditokololo tsa tsona di ka kaelwa ka peomolao ya bosetšhaba.
ka laola Peomolao ya Palamente.
tloswa ga motho mongwe le mongwe.
buletsweng botlhe le ba demokerasi.
ditšhelete mo kokoanopeomolao.
Lotseno lwa Porofense.
Lotseno lwa Porofensese.
K. 120 e emetswe ke k. 3 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001.
lekgotlapeomolao go sekasekwa.
tsewe tshwetso ka bomolaotheo jwa one.
ke lekgotlapeomolao ga o ka fa Molaotheong.
Katlanegiso le go saeniwa ga molao ke Tonakgolo.
e na le ditshupo tse di isegang tsa katlego.
ditshupo tse di isegang tsa go atlega.
go ya ka Molao.
bewa mo botshepeging ba Khotlatshekelo ya Molaotheo go o boloka.
Molaotheo kgotsa Molao wa Palamente.
bokgoni ba tsamaiso go simolola boikarabelo bo bo nonofileng.
ditirong tsa bona tse di umakilweng mo karolwaneng ya(2).
rarabololwa mo malatsing a le 30 a letlha la thomelo go Khansele.
go tsena mo tirisong go simolola ka kgoeletso ya Tonakgolo.
mo tirong eo ka Molaotheo le peomolao nngwe le nngwe.
nna Tonakgolo ya porofense.
ditlhopho tsa Tonakgolo.
Mametlelelo 3 e diragadiwa mo go tlhopheng Tonakgolo.
Kl.(2) e emetswe ke k. 10 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molaowa 2001.
Kl.(3) e emetswe ke k. 10 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.
ka Mametlelelo 2.
di latelang tsa Tonakgolo ga e kitla e tsewa jaaka paka ya tiro.
go palelwa ke go dira ditiro tsa maemo a gagwe.
pe ya maemo ao, e bile a ka seka a direla puso.
ditokololo tsa Khansele ya Khuduthamaga.
wa ditokololo tse dingwe gape.
mediro ya Tonakgolo.
ka Mametlelelo 2.
mo ditokololong tsa kgotlapeomolao ya porofense.
khuduthamaga, a ba abele dithata le ditiro, e bile a ka ba rola tiro.
tiragatso ya ditiro tsa bona.
tebang le mabaka a a mo tlase ga taolo ya bona.
beilweng ke peomolao ya bosetšhaba.
sa lolamang go motho mongwe gape.
go tokololo e nngwe.
kgotsa a retelelwa ke go diragatsa dithata kgotsa tiro eo.
Mmasepala, fa maemo a a kgethegileng a letlelela kgato eo.
dikatlanegiso tse di maleba go khuduthamaga ya porofense.
malatsi ao a le 14.
tsenyetirisong leano la pusetso.
ga fa tsereganyo e sena go nna teng.
akaretsa ditsela tse di tlhagisitsweng ke karolo e.
K. 139 e emetswe ke k. 4 Molaotheo Tlhabololo wa Bosomenngwe wa Molaowa 2003.
e na le ditlamorago tsa semolao.
tshwetso eo e amana tiro e e abetsweng tokololo eo.
go atlanegisiwa ke peomolao ya porofense.
Tonakgolo, Tonakgolo o tshwanetse go aga Khansele sešwa.
Khansele ba tshwanetse go leboga tiro.
ba ditokololo tsa yona bo bouta go dumelelana le molaotlhomo.
setheo, seabe, bothati le maemo a bogosi ba setso.
porofense ke dikarolo dingwe tsa Molaotheo.
gore diteng tsotlhe di tsaemaelana le Karolo 143.
molaotheo e e kannweng ke kgotla ya Molaotheo.
Kgotlatshekelo ya Molaotheo go nna mo pabalesegong.
lenaaneng la Mametlelelo 4.
Maikemisetso a bosetšhaba.
tshireletso ya tikologo.
bosetšhaba fa karolwana (2) kgotsa(3) e sa dire.
ya Bosetšhaba ya Diporofense.
atlanegisitswe ke Khansele.
atlanegisa molao go bothati bo bo rometseng molao go yona.
ya porofense e e umakiwang mo karolong eo.
ditikologong tsa bodiragatsi tse di dutilweng mo Mametlelelong 5.
ga e dire fa kgotlhang e santse e le teng.
yona e leng kgotlhang.
tshwanetseng go tlhomiwa naga ka bophara ba Rephaboliki.
mo Khanseleng ya Mmasepala wa yona.
rulaganyeditswe mo Molaotheong.
diragatsa maatla a ona kgotsa go dira ditiro ya ona.
mekgatlho ya magae mo mererong ya pusoselegae.
tlhagisitsweng mo karolwaneng(1).
le go dira mediro ya yona.
dikgatlhego tšhono go lere ditlhagiso tebang le Molaotlhomo.
ya ona fela.
mmasepala wa mothale wa C, o o welang mo karolong ya ona.
bommasepala ba ba fetang bonngwe.
mothaleng mongwe le mongwe.
o mongwe wa mothale wa C.
tekatekano le ka dinako tshotlhe.
merero ya bona.
mmasepala o o sekasekilweng go ya ka tema(a).
K l. (6A) e tsentswe ke k. 1 ya Molao 87 wa 1998.
peomolao ya bosetšhaba le ya porofense ga o na boleng.
go ya nako e peomolao eo e sa direng.
Mmasepala a na le bokgoni ba go o diragatsa.
nna jalo, go tsamaisa ditiro tsa ona ka mafolofolo.
ditokololo di thapilweng go ya ka temana(i) ya tema e.
Kl(1) e emetswe ke k. 1(a) ya Molaotheo Tlhabololo wa Borobedi wa Molaowa 2002 le ka k. 3 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosometlhano ya Molao wa 2008.
Diphatlhatiro mo Khanseleng ya Mmasepala di tshwanetse go tladiwa go ya ka melao ya bosetšhaba.
Karolwana 3 e tsentswe ke k. 4 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosometlhano ya Molao wa 2008.
kakaretso, go netefatsa kemedi go ya ka diboutu.
Kl.(3) e emetswe ke k. 1(b) ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2002.
beilweng ke, peomolao ya bosetšhaba.
Kl.(4) e emetswe ke k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo wa Boraro wa Molaowa 1998.
Tema (b) e phimolwa ke k.3 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosomepedi wa Molao wa 2005.
bosetšhaba ya batlhophi.
Mmasepala e go thapiwa go dirwang mo go yona.
Mmasepala e nngwe ya mothale o o farologaneng.
tlhano, jaaka go beilwe ka peomolao ya bosetšhaba.
yona e khutlileng ka lona.
Khansele e ntšhwa e e tlhophilweng e kaiwa e tlhophilwe.
Kl. 159 e emetswe ke k. 1 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bobedi wa Molao wa 1998.
ona ka botlalo.
le go adima madi.
pele boutu e ka dirwa mo ntlheng nngwe le nngwe.
bontsi jwa maloko a yona.
swetswa ka bontsi jwa diboutu tse di neetsweng.
botlhe ba neele ditshwanelo.
nngwe ya Khansele ya Mmasepala.
boleng jwa morero o o tshwerweng.
ka laolwang ke peomolao ya bosetšhaba.
phasaladitswe mo kaseteng ya semolao ya porofense e e maleba.
wa Mmasepala fa e lopiwa ke mmasepala oo.
Melawana ya Mmasepala e tshwanetse go ka fitlhelelwa ke botlhe.
rerisanang le puso ya bosetšhaba kgotsa ya porofense.
K. 163(b) e emetswe ke k. 4 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001.
peomolao ya porofense mo lekaleng la peomolao ya bosetšhaba.
Bothati ba boatlhodi ba Rephaboliki bo neetswe dikgotlatshekelo.
tseye matlhakore le ntle le poifo, ditlhotlho, kgotsa kgobelelo.
kgoreletsang tsamaiso ya dikgotlatshekelo.
botlhe le ditheo tsa puso fa e dirang gone.
Kl.(1) e emetswe ke k. 11 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.
go swediwa ke bonnye baatlhodi ba le robedi.
morerong wa molaotheo.
pele taelo eo e nna le boleng.
Molaotheo go tswa kwa Kgotlatshekelong nngwe le nngwe.
thanolo, tshireletso kgotsa tiragatso ya Molaotheo.
ka Molao wa Palamente.
Kl.(1) e emetswe ke k. 12 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.
ke Molao wa Palamente.
Kl.(2) e emetswe ke k. 12 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.
mo mabakeng a a ranotsweng ke Molao wa Palamente.
kgotsa maitsholo a ga Poresidente.
mo mabakeng a peomolao ya bosetšhaba.
letla bothati bo bo nonofileng go siamisa phoso.
Molaotheo ka ga boleng ba Molao oo kgotsa maitsholo ao.
Kgotlatshekelo ya Molaotheo.
kgotlatshekelo mo mabakeng a karolwana e.
tsewa tsiya dikgatlhego tsa bosiamisi.
ka tlhophiwa go nna motlhankedi wa boatlhodi.
o tshwanetse gape e be e le moagi wa Aforika Borwa.
akanngwa fa batlhankedi ba boatlhodi ba tlhomiwa.
Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo.
Kl.(3) e emetswe ke k. 13 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.
tshwanetse go dirwa ditlhopho tse dingwe.
Kl.(4) e emetswe ke k. 13 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.
nako ya fa ba kgethwa kwa Kgotlatshekelo ya Molaotheo.
boatlhodi go diragala ntle le ditlhotlho kgotsa kgobelelo.
2 gore ba tla tshegetsa le go sireletsa Molaotheo.
go le phatlhatiro kgotsa fa moatlhodi a seo.
Kl.(1) e emetswe ke k. 14 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.
tshwere a tla dirang mo go yona.
tiro ya Moatlhodi wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo.
Kl.(1) e emetswe ke k. 15 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.
dira go ya ka Molao wa Palamente.
Dituelo, ditshiamelo le dikungo tsa baatlhodi ga di fokodiwe.
gore a rolwe tiro e fetisitswe.
Tema(b) e emetswe k. 16(a) ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao ya 2001.
yo o supilweng ke mongwe le mongwe wa bona.
Tema (k) e emetswe ke k. 2(a) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bobedi wa Molao wa 1998 le k. 16(b) ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.
tshwanetseng go tladiwa, Poresidente o tshwanela go ba tlhoma.
tlhophilweng ba emela borutegi ka kakaretso.
palong ya bona.
supileng kgotsa ba ba tlhophileng.
neetsweng mo Molaotheong le peomolao ya bosetšhaba.
ka karolwana(1)(h) le(i).
bontsi ba ditokololo tsa yona.
Kl.(7) e tlaleleditswe ke k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bobedi wa Molao wa 1998 le go emelwa ke k.
16(c) ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.
lengwe le le utlwagalang.
Kl.(8) e tlaleleditswe ke k. 2(b) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bobedi wa Molao wa 1998.
beilwe ka molao wa Palamente.
di tshokileng di ama go tlhatlhela melato ya tshenyo.
kgethegileng, go ya ka karolwana(5).
ditlhotlho kgotsa kgobelelo.
a mo kayang a le maleba.
ga bothati ba botšhotšhisi.
go tlhomamisiwa ka peomolao ya bosetšhaba.
ditshwetsong tsa kgotlatshekelo.
Mosireletsi wa Botlhe.
Tema(b) e tlhabolotswe ke k. 4 ya Molao 65 wa 1998.
Setso, Bodumedi, le Ditlhopha tsa dipuo.
Khomišene ya Tekatekano ya Bong.
Khomišene ya Ditlhopho.
le poifo, ditlhotlho le kgobelelo.
ba ditheo tse.
itshunyang mo go direng ga ditheo tse.
bonnye gangwe ka ngwaga.
go tsaya dikgato tse di maleba tse di siamisang.
abelwang ke peomolao ya bosetšhaba.
botlhe le baagi botlhe.
ditshwanelo tsa botho mo Rephaboliking.
ya go ruta.
tshireletsego ya loago, thuto le tikologo.
K. 184 e tlhabolotswe ke k. 4 ya Molao 65 wa 1998.
Botho ya Aforika Borwa go tlhotlhomisiwa.
Kl.(3) e tlhabolotswe ke k. 4 ya Molao 65 wa 1998.
peomolao ya bosetšhaba.
go supa ka kakaretso sebopego sa bong sa Aforika Borwa.
tekatekano ya bong.
amang tekatekano ya bong.
gape tse e di abelwang peomolao ya bosetšhaba.
se runwe ke Moruni-Kakaretso.
leng go thusa setšhaba.
ke peomolao ya bosetšhaba.
abelwang ke peomolao ya bosetšhaba.
di laoletsweng ke peomolao ya bosetšhaba.
Khomišene ya Ditlhopho bonnye e tshwanetse ya nna le batho ba bararo.
tshwanela go tsewa tsia fa badiredi ba Khomišene ba thapiwa.
siametse go tsaya maemo a bodiredi joo.
tshwanetse go tsewa tsia fa go thapiwa Moruni-Kakaretso.
Tema(a) e tlhabolotswe ke k. 4 ya Molao 65 wa 1998.
Khomišene ya Ditlhopho.
thapiwa ga leloko la Khomišene.
rulaganyediwa jaaka go lebeletswe mo karolong 59(1)(a).
ditokololo tsa Kokoano.
bontsi jwa maloko a Kokoano.
tshwetso e e gwetlhang go ntshiwa ga motho yoo.
badiredi a tshwanetse go tswelediwa le go tshegediwa.
tshwanetse go tswelediwa.
ka go lekalekana, go ntle le tshekamelo letlhakoreng.
dithulaganyetsong tsa isagwe.
Tsamaisopuso e tshwanetse go nna le maikarabelo.
le ya boammaruri.
mo tirong gore ba ba fitlhelele bokgoni jo bo kwa godimo.
tsa nako e fetileng go fitlhelela boemedi bo bo sephara.
ditirokgolong tsa puso.
meetlo le metheo e e umakilweng mo karolwaneng(1).
thapiwa go, mo tirelong ya botlhankedi ba puso.
Go na le Khomišene ya Bodiredipuso e le nosi mo Rephaboliking.
sunyang nko mo go direng ga Khomišene.
tlhagisitswe mo karolong 195 se diragatswa.
tsa ditiro tsa badiri mo bodiredipusong.
tse di tlhagisiwang ke Molao wa Palamente.
Tema (g) e tlaleleditswe ke k. 3 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bobedi wa Molao wa 1998.
Khomišene e ikarabela go Kokoano Bosetšhaba.
ya porofense eo.
supilwe ke Tonakgolo ya porofense go ya ka karolwana 8(b).
tshegetso ya diboutu tsa bontsi jwa maloko a yona.
tshegetso ya diboutu tsa bontsi jwa maloko a yona.
dikaelo tsa bodiredipuso.
di dirang ipiletso ya gore Komišenara a tlosiwe mo tirong.
maikemisetso a a leng ka fa molaong wa puso ya ga jaana.
di tshwanetse go laolwa ke peomolao ya bosetšhaba.
peomolao ya bosetšhaba.
maemo a a tshwanang a a diragadiwang mo bodiredipusong.
go batla botshelo bo bo botoka.
fa molaong, go akarediwa molao wa boditšhabatšhaba.
khuduthamaga ya bosetšhaba.
tse di ka tlhomiwang go ya ka Molaotheo.
ntseng jalo di ka tlhomiwa fela go ya ka peomolao ya bosetšhaba.
peomolao ya bosetšhaba.
ya bosetšhaba kgotsa melawana le ditaelo tsa Palamente.
ya ka mokgwa wa sesole o o maitsholo a a siameng.
tiriso ya maatla.
e le ka go diragatsa maithaopo a boditšhabatšhaba.
paka eo matsholo a solofelwang go dirisiwa.
maleba ya bookamedi.
kgetha Bolaodi ba matsholotshireletso.
tshireletso, fa tlase ga bothati ba ga Poresidente.
palo ya batho ba ba amegang.
Kabinete eo e rweleng maikarabelo a tshireletso.
lekaleng la selegae.
tsia ditlhokego tsa diporofense.
tshegetsa le go diragatsa molao.
botlhokwa tsa sepodisi mo diporofenseng tse.
sepodisi mabapi le bosenyi le sepodisi mo porofenseng.
a se a abetsweng mo moonong wa sepodisi wa bosetšhaba.
setlhopha sengwe le sengwe sa baagi.
rweleng maikarabelo a sepodisi.
maikarabelo a sepodisi.
Komišenara wa Bosetšhaba.
peomolao ya bosetšhaba.
Kabinete e e rweleng maikarabelo a sepodisi.
bosetšhaba, le fela go ya ka fa peomolaong ya bosetšhaba.
ya Kabinete go rwala maikarabelo ao.
setso di amogelesegile, go ya ka fa Molaotheong.
mongwe o o dirang ka totobalo le molao wa setso.
amang ditlhopha tsa magae.
wa rebola go tlhomiwa ga makgotla a babusi ba setso/magosi.
baeteledipele ba setso/magosi.
thibelwang ke Molao wa Palamente go tsenngwa mo letloleng le.
kgotsa mo Molaong wa Palamente.
la Lotseno lwa Bosetšhaba.
Letlha la tsenyotirisong ya k. 213: 1 Ferikgong 1998.
ka diriwang ka ona.
mangwe a a ikaegileng ka dikaelo tse di siameng.
Letlha la tsenyotirisong ya k. 214: 1 Ferikgong 1998.
nonofileng ya ikonomi, melato le lephata la botlhe.
peomolao ya bosetšhaba.
tsamaong ya ngwaga o o latelang.
Letlha la tsenyotirisong ya k. 215: 1 Ferikgong 1998.
tsamaisong ya thulaganyo ya tšhelete.
masisi ya didirisiwa kgotsa e e tswelelang ya dikgato tseo.
Kl.(2) e emetswe ke k. 5(a) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001.
ikarabelang mo tsamaisong ya tšhelete.
Kl.(3) e tlhabolotswe ke k. 5(b) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001.
tlhomilweng go ya ka karolwana(3).
wa yona fa pele ga komiti.
gaisana gape e sena tshenyegelo.
e e sa siamang.
a ka tsenngwang mo tirisong.
Kl.(3) e emetswe ke k. 6 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001.
tlhomilweng mo peomolao ya bosetšhaba.
tsa khomišene ya tiriso ya ditšhelete di sekasekiwe.
ditshireletsego tse e di neetseng, ngwaga mongwe le mongwe.
Letlha la tsenyotirisong ya k. 218: 1 Ferikgong 1998.
ditlhopha tse di farologaneng.
dithuso tse di kailweng mo karolwaneng(1).
khomišene tseo di tlhomamisitsweng go ya ka karolwana(2).
khomišene e e tlhomamisitsweng go ya ka karolwana(2).
peomolao ke Peomolao ya bosetšhaba.
Molaotheo le molao, mme e tshwanetse go se tseye letlhakore.
tlhokomela mabaka otlhe.
batho ba bangwe ba le babedi.
k.1 e emetswe ke k.2 ya Molaotheo Tlhabololo wa Botlhano wa Molao wa 1999.
Kl.(1) e emetswe ke k. 7(a) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001.
pusoselegae e e rulaganeng mo go rulaganyeng lenane le le solofetsweng mo karolwaneng (1) (c).
Kl. (1A) e tsentswe ka k. 7 (b) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa wa 2001.
boitseanape e e maleba.
ya nako e dirang ka yona.
mme e tsamaiswa go ya ka molao wa Palamente.
tlhomameng ka dinako tsotlhe.
e rweleng maikarabelo a ditšhelete tsa bosetšhaba.
beilweng go ya ka Molao.
wa Palamente, mme e amogetswe ke puso ya Porofense.
neetswe jalo mo Molaotheong kgotsa molao wa Porofense.
kgatlhanong le Letlole la Lotseno lwa Porofense eo.
duelwang go bommasepala mo porofenseng.
Kl.(4) e tlaleleditswe ke k. 8 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001.
Letlha la tsenyotirisong ya k. 226: 1 Ferikgong 1998.
bosetšhaba, ka mabaka a a rileng, kgotsa go se mabaka ape.
ba di abetsweng go tswa mo lotsenong la puso ya bosetšhaba.
ka ditlhokego tsa bona.
go sa emisiwa go ya ka karolo 216.
Letlha la tsenyotirisong ya k. 227: 1 Ferikgong 1998.
makgetho a dithoto kgotsa makgetho a melelwane.
Tema(b) e emetswe ke k. 9 ya Molao 61 wa 2001.
Khomišene ya Tiriso ya Ditšhelete di sekasekilwe.
Letlha la tsenyotirisong ya k. 228: 1 Ferikgong 1998.
go tla laolwa ke peomolao ya bosetšhaba.
Bokgoni jwa ditšhelete jwa mmasepala mongwe le mongwe.
karolong e e tshwanang.
dingwe tsa Khomišene di tserwe tsia.
Letlha la tsenyotirisong ya k. 229: 1 Ferikgong 1998.
Tsamaiso ya Ditšhelete e sena go sekasekwa.
K. 230 e emetswe ke k. 10 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001.
dipeeletso malebana le mmasepala.
Matlole e sena go sekasekwa.
K. 230A e tsentswe ke k. 17 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.
boditšhabatšhaba ke maikarabelo a khuduthamaga ya bosetšhaba.
umakiwang mo karolwaneng(3).
Khansele mo nakong e e isegang.
sa dumelane le Molaotheo kgotsa Molao wa Palamente.
neng di tlama Rephaboliki fa Molaotheo o tsena mo tirisong.
mothale o mongwe o o sa dumelaneng le molao wa boditšhabatšhaba.
o tlhomamisitsweng ka peomolao ya bosetšhaba.
diporofense ka mokgwa wa tekatekano le ikaego mo kabelanong.
le ntle ga tiego.
peomolaong e tiro e, e tshwanetseng go dirwa ka yona.
tsa botlhe go ya ka peomolao nngwe.
mme e le o o tsamaisiwang ke mmuso wa porofense.
Molaotheo, diteng tsa lokwalo la Seesimane ke tsona di tla laolang.
mongwe o o ka tshokang o amana le kgabaganyo eo.
le Mametlelelo 6.
farologaneng tsa Molaotheo.
e tseneng mo tirisong.
kgoeletsong, e tla kgaphelwa thoko go tloga ka letlha leo.
tsa dikaelo tse, go ya ka Molaotheo o, pele ga letlha leo.
Aforika Borwa, wa 1993, di nna mo tirisong.
seripa go feta bophara.
le botala ba loapi.
fitlha bogare-bofelong ba karolo e e phaphalalang.
Khutlotharo e e fa thoko ga seikokotlelo e ntsho.
mme lebanta le le rapaletseng le le kwa tlase, botala ba loapi.
Mabanta a, a bophara ba nngwe-tharong ya bophara ba fologa.
Mametlelelo 1A e tsentswe ke k. 4 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bolesomepedi ya Molao wa 2005 mme e emetswe ke k. 1 Molaotheo Tlhabololo ya Bolesometharo ya Molao wa 2007 le Molaotheo Tlhabololo ya Bosomethataro ya Molao wa 2009.
Tshupo ya Porofense ya Kapa Botlhaba e emetswe ke Molaotheo Tlhabololo ya Bolesometharo ya Molao wa 2007.
Tshupo ya Porofense ya Gauteng e fetotswe ke Molaotheo Tlhabololo ya Bosomethataro ya Molao wa 2009.
Go kaiwa ga Mmepe No. 4 go emetswe ke k. 1(a) ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosomethataro ya Molao wa 2009.
Tshupo ya Porofense ya KwaZulu-Natal e emetswe ke Molaotheo Tlhabololo ya Bolesometharo ya Molao wa 2007.
Tshupo ya Porofense ya Bokone Bophirima go fetotswe ke Molaotheo Tlhabololo ya Bosomethataro ya Molao wa 2009.
Go kaiwa ga Mmepe No. 5 go emetswe ke k. 1(b) ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosomethataro ya Molao wa 2009.
Mametlelelo 2 tlhabolotswe k.
ke k. 18 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.
wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, nna, A.B.
Fa ele maikano: A Modimo a nthuse jalo.
wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, nna A.B.
Rephaboliking le mo setšhabeng sotlhe sa yone.
Fa e le maikano: A Modimo a nthuse jalo.
tlhamalalo, le go dira tiro ya me ka boineelo le bokgoni jwa me.
Fa e le maikano: A Modimo a nthuse jalo.
Palamente ya Porofense ya C D ka moo ke tla kgonang.
Fa e le maikano: A Modimo o nthuse jalo.
Khansele kgotsa Palamente, go ya fela gore seemo ke sefe.
bokgoni ba me.
Mo lebakeng la ikano: A Modimo a nthuse jalo.
Kgotlatshekelokgolo ya E.F./G.H.
kgobelelo, go ya ka Molaotheo le molao.
Fa e le mo lebakeng la ikano: A Modimo o nthuse jalo.
tlhomamisa mo mabakeng a peomolao ya bosetšhaba.
Mametlelelo 3 e tlhabolotswe ke k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bone wa Molao wa 1999 le k. 19 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001, k.
Molao 21 ya 2002 le k. 1 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosomenne ya Molao wa 2008.
Motlatsa-Mmusakgotla wa Kgotlapeomolao.
ka melao e e umakilweng mo temaneng 9.
kgotsa Motlatsa-Mmusakgotla wa Palamente a tlhophiwa.
bontlhopheng, mme ga a letle kganetsanyo.
tshwanelwa ke go bolela fa ntlhopheng yo, a tlhophilwe.
boneng diboutu di le dintsi gore ke ena yo o tlhophilweng.
ofe wa bontlhopheng yo o tshwanelwang ke go tlosiwa.
ya ntlha ya ditlhopho tsa go nna jalo.
mokgwa o go bouta go tshwanelang go dirwa ka teng.
Moatlhodimogolo a beileng ka teng.
Karolo 9 e emetswe ke k. 19 ya Molao 34 wa 2001.
kgotlapeomolaong, go bo go tlhakanngwa le nngwe.
lefetiso le le kwa godimodimo.
Karolo 3 e tlaleleditswe ke k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bone ya Molao wa 1999 le go emelwa ke k. 3 ya Molaotheo Tlhabololo ya Borobongwe ya Molao wa 2002 le k. 5(a) ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosomenne ya Molao wa 2008.
Fa makoko a feta bongwe a a nang le tshalo e e lekanang a rekotile palo e e lekanang ya diboutu mo ditlhophong tsa bofelo tsa lekgotlapeomelao la porofense e e amegang, lekgotlapeomelao le le amegang le tshwanetse go abela baemedi ba ba sa abiwang mo kemeding ya lekoko ka tshalo eo ka tsela e e inyalanang le temokerasi.
Ntlha 4 e tlaleleditswe ke k. 5(b) ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosomenne ya Molao wa 2008.
rolelang lekgotlapeomolao la porofense bokgoni ba peomolao.
Mametlelelong e, le Mametlelelo 5.
o, kgotsa molao mongwe le mongwe.
bosetšhaba le merero mengwe e e amegang.
dithulaganyo tsa go tsholola metsi a matlwana-boithusetso.
Mametlelelo 6 e tlhabolotswe ke k.
ke k.20 ya Molaotheo Tlhabololo wa Boratari wa Molao wa 2001.
Aforika Borwa wa 1993 (Molao 200 wa 1993).
Go lebana/nyalana le Molaotheo o mošwa.
e nngwe ya dipuo tsa semmuso go ya ka molaotheo o mošwa.
kgotsa Mametlelelo e, e go Khuduthamaga ya Porofense.
nna mo tirisong go ya ka Molaotheo mošwa.
ka Molaotheo o mošwa go fitlha ka 30 Moranang, 1999.
ya Molaotheo o mošwa.
dirisiwa ntle le fa di ka tlhabololwa kgotsa tsa phimolwa.
tsweletswa go ya ka Molaotheo o mošwa.
ke Khuduthamaga ya Diporofense ya Molaotheo o mošwa.
ka karolo 102(2) ya Molaotheo o mošwa.
go fitlha ka 30 Moranang, 1999.
bobedi tsa Kokoano go ya ka Molaotheo o mošwa.
Molaotheo o mošwa.
leruri go ya ka tekanyetso ya makoko a emetsweng.
baemedi ba leruri ba Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense.
tlhongwa ga Basenatoro jaaka baemedi ba leruri go ya ka karolo e.
dirisiwang, go fitlha di tlhabololwa kgotsa di phimolwa.
jaaka mosenatoro go ya ka karolo 48 ya Molaotheo wa pele.
letsatsi pele ga Molaotheo o mošwa o tsena taolong.
gope fa a tsena tirong e.
jaaka di tlhagelela mo Tlaleletsong B ya Mametlelelo e.
go ya ka fa karolo e e beilweng ke Tlaleletso B.
Porofense o o ka tlhangwang.
yona le khutla.
karolwana 8 ya Mametlelelo e.
go dirisiwa, ntle le fa di ka tlhabololwa kgotsa tsa fetolwa.
kgotlatheomelao go ya ka Molaotheo o mošwa.
ditlhopho tsa bobedi go ya ka Molaotheo o mošwa.
o ka tlhomiwang, go ikaegilwe ka karolwana(2).
mo go Tlaleletso C ya Mametlelelo e.
Molaotheo o mošwa.
Khuduthamaga ya Porofense.
pabalesego kgotsa setheo sengwe.
morago ga kgatiso ya lekwalothebolo kgoeletso.
teng pele ga go fedisiwa.
kaya bothati jo bo neetsweng taelo ke thebolo eo.
dirilwe go ya ka karolwana e.
karolwana 14 ya Mametlelelo e.
Molaotheo o mošwa o tsene mo tirisong.
go nyalana le Molaotheo o mošwa.
ya ka Molaotheo o mošwa.
Karolwana 16(2)(b) e phimotswe ke k. 20(a) ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.
Karolwana16(3)(b) e phimotswe ke k. 20(a) ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.
tse di ka tsokaneng di tlhagisiwa ke karolwana(6).
tshwanelang ditlhokego tsa Molaotheo o mošwa.
mo karolong 168(1) ya Molaotheo o mošwa.
kgotsa e tlhabololwa.
karolong 167(1) ya Molaotheo o mošwa.
Karolwana 16(7) e tlaleleditswe ke k. 20(b) ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.
tsa bosiamisi di bona go le maleba.
179 ya Molaotheo o mošwa, o tsena mo tirisong.
Bosetšhaba wa Botšhotšhisi ba Botlhe, go ya ka karolo 179.
o amanang le yona, a ikaegile ka temana(1).
ka Molaotheo o mošwa.
Tema(b) e tlhabolotswe ke k. 4 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bobedi wa Molao wa 1998.
Boto ya Dipuo Tsotlhe ya Aforika Borwa.
go nyalana le Molaotheo o mošwa.
75 ya Molaotheo o mošwa.
ya Molaotheo o mošwa a tlhomiwa.
go nyalana le Molaotheo o mošwa.
go bewa o beilwe.
amogelwa ga molao o.
ya Bosetšhaba ya Diporofense.
Molaotheo o simolola.
di tsewa jaaka karolo ya Molaotheo o mošwa.
tlhabolotsweng, go akarediwa maikaelelo a botlhokwa jwa ona.
tshwanetse go buisiwa e le '11 Motsheganong 1994'.
Karolwana(2) e tlaleleditswe ke k. 3 ya Molaotheo Tlhabololo wa Ntlha wa Molao wa 1997.
o mošwa o tseneng mo tirisong ka lona.
tiriso kapa tshireletso ya nngwe ya ditshiamelo.
go dumelelana ga tsona le Molaotheo o mošwa.
Molaotheo o mošwa.
go dumelelana le Molaotheo o mošwa.
Karolwana 26(1)(a) e emetswe ke k. 5(a) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bobedi wa Molao wa 1998.
ga tsenyotirisong ya Molaotheo o mošwa.
Karolwana(b) e emetswe ke k. 5(a) ya Molao 65 wa 1998.
fitlhelela tiriso ya karolo eo e khutla.
pele ga di 30 Moranang 2000.
karolo(2) e tlhabolotswe ke k. 5(b) ya Molao 65 wa 1998.
mošwa o tsena mo tirisong.
mo leineng la mmuso oo.
duelwang mabapi le go kwadisa go ya ka sekakarolwana(1).
peomolao ya bosetšhaba.
makoko a a nang le kgatlhego.
a a gaisanelang ditlhopho mo kgaolong nngwe le nngwe jaana:
kailweng go ya ka temana(a).
ya ka karolo 105 ya Molaotheo o mošwa.
go ya ka Mametlelelo e le peomolao ya bosetšhaba.
lengwe le lengwe mo Kgotlatheomolaong.
o le tla phimolwa mo manaaneng a mangwe.
Bosetšhaba ya Diporofense;
kwa bokhutlong jwa lenaane.
teng mo lenaaneng.
ke lebaka lefe.
lekoko leo le mo tlhophileng jaaka leloko la peomolao.
nakong nngwe le nngwe le sa thibelelwe ke ntlhana(1).
botokololo jwa peomolao ya go nna jalo.
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa 1996;
16 Tlogelo ya ntlhana 26.
ya thapo ya Tona ya go nna jalo.
mo ditokololong tsa Kokoano.
a ka tlhopha go nna kgotsa go digela go nna leloko la Kokoano.
wa Khuduthamaga ke Molaotheo kgotsa Poresidente.
tshwarwang pele ga 30 Moranang 1999, a tsaya tiro.
makoko a mangwe a a tsayang karolo.
karolwaneng(1)(a)di tshwanetseng tsa tlhotšhwa.
latelang, fa di le teng, ke khouta ya manno go ya ka lefapha.
kailweng mo temaneng(b).
abelwang lekoko leo.
ofising ya Tona.
Poresidente, tshwetso ya Poresidente e a dira.
bona go ya ka tlhomamiso e e fetotsweng.
kgotsa mo kgatlhegong ya puso e e siameng.
fa Poresidente a laela jalo.
le fa mowa wa kopano ya bosetšhaba o tlhoka jalo.
puso e e nang le bokgoni.
baeteledipele ba makoko a tsayang karolo mo Kabineteng.
a Kabinete a abiwang ka yona.
ya Botlatsa-Poresidente ka go tshwana.
yoo a dirang boemong jwa gagwe.
dira thata kgotsa tiro nngwe e kgethegileng.
maikemisetso a a tlhomamisitsweng ke Kabinete.
baeteledipele ba makoko a a tsayang karolo.
a a tshotsweng ke makoko a mangwe a a tsayang karolo.
kgotlapeomolao ya porofense.
kantorong ya tokololo ya kgotla Khuduthamaga.
Tonakgolo, tshwetso ya Tonakgolo e a dira.
farologaneng a bona go ya ka mabaka a dikabo ka go farologana.
Tonakgolo ya Porofense.
ya puso e e nang le bokgoni.
tiragatso ya ditiro tsa puso ya porofense le maikemisetso a yona.
moeteledipele wa lekoko la tokololo eo.
"(b) go thapiwa ga boKomišenara ba Diporofense;".
maikarabelo a go -
Peomolao a Diporofense mo tlase ga Molaotheo o o umakiwang.
sengwe le sengwe.
puso nngwe le nngwe ya porofense.
tirisano le mebuso ya diporofense;
Mametlelelo 6A e tsentswe ke k. 6 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bolesome ya Molao wa 2003 mme ya phimolwa ke k. 6 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosomenne ya Molao wa 2008.
k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo ya Borobedi ya Molao wa 2002 e bile e nomorilweng gape k. 6 Molaotheo Tlhabololo ya Bolesome ya Molao wa 2003 mme e phimotswe ke k. 5 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosometlhano ya Molao 2008.
<fn>DAC-NLS. Briefs.2009-03.tn.txt</fn>
Setlhopha sa Baokamedi sa SATI se ne sa tshwara kokoano ya sone ya bošeng jaana ka 14 Tlhakole 2009. Tshobokanyo ke eno fa tlase ya dilo tsa konokono tse go neng ga tlotlwa ka tsone.
Mo kokoanong eno, go ne ga tlotlwa thata ka Molaotheo le kafa Setheo se rulagantsweng ka gone, mo nakong eno le mo isagweng. Fa nako e ntse e tsamaya, maloko a tla itsisiwa ka diphetogo tse go tshitshintsweng gore di dirwe mo Molaotheong, le taletso ya gore go tlhagisiwe maina a mo go one go tla tlhophiwang ba ba ka nnang maloko a Setlhopha sa Baokamedi mme mo bogautshwaneng, go tla ntshiwa kitsiso ka dikomiti tse di tlileng go dira mo dingwageng tse pedi tse di tlang.
Go ne ga felelediwa dintlha malebana le ditlhopha le melao ya Moputso o o tlileng go abiwa mme ka Mopitlwe, go tla romelwa ditaletso tsa gore go tlhagisiwe maina a mo go one go tla tlhophiwang batho ba ba ka abelwang moputso ono. Gakologelwang gore ga go tlhole go na le moputso wa kakaretso mme meputso e e abelwang batho ka bongwe e tla bo e le ya ditlhopha tse di latelang: padi, ditlhamane, dibuka tsa bana, tirelo ya boranodi le dibukantswe. Maloko a rotloediwa go anamisa kitsiso ka Moputso ono mmogo le go dira taletso ya gore go tlhagisiwe maina a baamogela-ditirelo ba rona le makoko a mangwe a a kgatlhegelang go ka tlhophelwa moputso ono.
Diawate di tlile go tshwarwa ka Lwetse 2009 (mo e ka nnang ka Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Thanolo).
SATI e abetse baithuti ba le batlhano dibasari tse di jeleng bokana ka R25 000 tsa ngwaga wa dithuto wa 2009. Madi ao maloko a a ntshetsang Letlole la go Tsweletsa SATI Pele a dirisediwa go thusa baithuti ba go ka bong go ile ga direga gore ba se ka ba kgona go tsenela dithuto tsa boranodi. Go ne ga dirwa tumalano ya gore go simolola mo ngwageng o o tlang, go tla amogelwa dikopo tsa baithuti ba ngwaga wa ntlha.
Maloko a gakololwa gore dikopo tsa go newa dibasari tsa dikhoso tse di khutshwane le tsone di ka nna tsa akanyediwa.
Komiti ya bokatisi e tshwaragane le go rulaganyetsa go dira patlisiso ya go bona gore maloko a rona a tlhoka katiso ya mofuta ofe, segolobogolo malebana le dikhoso tse di khutshwane tsa boranodi. Dipholo tsa yone di tla romelelwa maloko mo bogautshwaneng.
lebeletswe gore Setsha sa Inthanete sa SATI se se weditsweng ka puo ya Se-Aforikanse se bo se tsentswe mo tirisong mo magareng a Moranang. Thanolo ya sone e tsweletse pele ka Setswana le ka Sexhosa, mme e bonya tota. Maloko a a dirang ka dipuo tse dingwe tsa semmuso a rotloediwa gore a ithaopele go thusa go tlhomamisa gore Setsha sa Inthanete se kwalwa ka dipuo tseno tsotlhe.
Ka maswabi, tumalano e SATI e neng e e dirile le NAATI (the Australian National Accreditation Authority for Translators and Interpreters), ya go naya baranodi ba ba dirang ka dipuo tse di sa buiweng ke bontsi tsa dinaga di sele tetlelelosemmuso e khutlisitswe ka ntlha ya setlhopha se seša sa botsamaisi sa NAATI mmogo le ditlhwatlhwa tsa ditlhatlhobo tse di itsang setlhopha seno go tswelela ka tumalano eno.
Maloko a gakololwa gore go tlile go nna le tsebe e e kgethegileng mo Setsheng sa Inthanete sa SATI e e nag le lenaane la dinomore tsa go ikgolaganya le batoloki ba ba tlileng go ithaopela go dira tiro eno ka nako ya Sejana sa Lefatshe. Fa e le gore ga o ise o ntshe dintlha tsa gago tsa go ikgolaganya le wena mme o batla gore leina la gago le nne teng mo tsebeng eno, tsweetswee ikgolaganye le ofisi ya SATI ka bonako joo o ka kgonang ka jone.
Kokoano e e latelang ya Setlhopha sa Baokamedi e tlile go tshwarwa ka Seetebosigo 2009.
Bol. 4 Nom.
<fn>DAC-NLS. Bulletin.2009-03.tn.txt</fn>
Jaanong re setse re simolola kgwedi ya bobedi ya ngwaga. Re solofela gore mo malokong otlhe a rona, ngwaga ono e tla nna wa boitumelo le katlego. Rotlhe re ka kgona go nna seoposengwe mo go lekeng go fitlhelela go le gontsi mo tirong ya rona - re ka rata go utlwa ditshitshinyo dipe tse o nang le tsone ka ditirelo tse Setheo sa rona se tshwanetseng go ka bo se setse se di direla batho ba bangwe.
Gakologelwa gore dipeeletso tsa ngwaga ono di tla tshwanelwa ke go bo di setse di duetswe kwa bokhutlong jwa kgwedi ya Mopitlwe. Manaane a go kopa gore di duelwe a ne a romelwa ka kgwedi ya Sedimonthole. Fa e le gore ga o ise o amogele la gago, tsweetswee ikgolaganye le kantoro ya SATI o kope gore e go romelele khopi. Gakolo-gelwa gore ditlamo le dikantoro di ka kgona go ikwadisa jaaka maloko a e leng borradikgwebo. Re rata go leboga maloko a a setseng a duetse. Tsweetswee tlhomamisa gore morago ga go duela, o itsise mokwadisi ka gone.
Dipholo tsa patlisiso ya bošeng jaana ka dituediso e tsentswe mo setsheng sa inthanete sa SATI. Maloko a gakololwa gore dituediso tseno ga se tse "go dirilweng tshwetso ya gore di duedisiwe batho" kgotsa "tse go tshitshinngwang gore batho ba di duedisiwe". Go ya ka molao, ga re a tshwanela go tshitshinya gore dituediso e nne tsa bokae. Rona re kokoanya fela tshedimosetso ka dituediso tse batho ba ntseng ba di duedisiwa re bo re e anamisa. Ka jalo re kopa gore maloko a se ka a raya batho a re "SATI e tshitshinya gore batho ba duedisiwa ditlhwatlhwa tseo". Maloko a setheo sa rona mmogo le batho ba bangwe ba ka nna ba dirisetsa ditlhwatlhwa tseno go bona gore bone ba ka duedisa batho bokae, mme ba lemoge gore go tla nna go ntse go na le batho ba ba dirang ka puo ba ba duedisang go feta ditlhwatlhwa tseo kgotsa kafa tlase ga tsone.
Ke ile ka itsisiwe bošeng jaana gore Rre PF (Flippie) du Toit o tlhaokafetse ka Tlhakole 2007. Rre du Toit e ne e le ene wa bofelo yo o neng a sa ntse a tshela wa batho ba ba ileng ba thaya setheo sa SATI. Re ne ra ikgolaganya le ene fa setheo sa rona se ne se keteka ngwaga wa sone wa bo 50 ka 2006 mme botsogo jwa gagwe bo ne jwa mo itsa go nna le seabe mo moketeng oo.
Go ela kwa bokhutlong jwa ngwaga o o fetileng, mokwadisi wa rona o ne a dira dipatlisiso ka maloko a rona a SATI go bona gore ba bua dipuo dife kwa magaeng a bone. Dipholo tsa teng di a kgatlha. Mo malokong a le 707 a a neng a kwadisitswe ka nako eo, mo e batlang e nna halofo ya bone (31 kgotsa 44%) ba bua Se-Aforikanse.
Setlhopha se segolo go gaisa tse dingwe se se latelang seno - e leng sa ba ba buang Seesemane - sone ga se tshware le fa e le halofo ya bone: Sone ke sa maloko a le 139 kgotsa 19,7%. Maloko a rona a a buang dipuo tsa Se-Aforika a fitlha go 16% (Sendebele: 4; Sexhosa: 38; Sezulu: 28; Sepedi: 6; Sesotho: 11; Setswana: 21; Seswati 1; Sevenda: 2; Setsonga: 2), mme 20,3% e nngwe ya bone e kgaogantswe ka mokgwa o o latelang: Searabia: Maloko a le 6; Setšhaena: maloko a le 2; Sedatšhe: maloko a le 3; Sefora: maloko a le 41; Sejermane: maloko a le 39; Sentadiana: maloko a le 8; Sepotokisi: maloko a le 22; Se-Romania: maloko a le 4; Se-Russia: maloko a le 4; Se-Spain: maloko a le 9, mme Se-Canton, Segerika, Sehebera, Seswahili, Se-Poland le Seshona, nngwe le nngwe ya tsone e na le leloko le le lengwe fela.
Common Sense Advisory, Inc., e leng setlamo sa kwa US sa patlisiso le bogakolodi, se ntshitse kitsiso ka ponelopele ya sone ka go dira ka puo, tirelo le tsa botegeniki ka 2009.
Diponelopele di le tlhano tsa intaseteri ya setlamo seno ke: Puo e nna selo se se botlhokwa thata ka gonne e tsosa kgang malebana le tiriso ya dipuo tse di farologaneng; Thanolo e nna motlhofo, mme ga go motlhofo gore mongwe le mongwe a bone madi go tswa mo go yone; Dikoporasi di simolola go dirisa diporokeramo tsa go ranola tse di dirisang dirweboletsa tsa maemo a a kwa godi-mo; Google e tla ka dilo di le dintsi tse di gakgamatsang tsa maretshwa a go ranola; Pholisi ya puo le mokgwa wa boditšhabatšhaba wa go itshireletsa di tlhotlheletsa puso go kgatlhegela puo. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: www.commonsenseadvisory.com.
Manaane a mareo a Tirelo ya Bosetšhaba ya Puo a teng jaanong mo Setsheng sa Inthanete sa Lefapha la Botsweretshi le Setso, www.dac.gov.za. Tobetsa segoke se se mo tsebeng e e simololang ya DAC se se go isang kwa tsebeng ya "National Language Service completed terminology". Manaane a a leng teng moo ke: ICT (dipuo tse di farologaneng), Dipalotharabololo (dipuo tse di farolo-ganeng), Disaense Tsa Tlholego (Nguni, Sesotho, le Se-Aforikanse, Sevenda le Setsonga) le tsa Palamente (dipuo tse di farologaneng).
Lingua et Machina e golotse Similis Version 2.14.0, serweboleta sa go ranola se se tla dirisiwang ke baranodi ba seporofešenale se se theilweng mo dilong tsa botegeniki tsa didirisiwa tsa thanolo tse di kgonang go boloka tshedimosetso mme e le tse di kgonang go rekisiwa di le tsosi kgotsa tse di tswang ka Server (Windows), ka Seesemane, Sefora, Sejeremane le ka Se-Spain. Leba www.lingua-et-machina.com.
SDL, e e tlamelang ka ditharabololo tse di ka dirisiwang mo lefatsheng lotlhe tsa go laola tshedimosetso, e ntshitse kitsiso ka go golola ga yone SDL Trados 2007 Suite. Go kopanya thanolo e e ranolwang ke khomphiuta le e e dirwang ke porokeramo ya go ranola e e bolokang tshedi-mosetso go dirwa ka sedirisiwa se sesha se se bisiwang SDL Passol Essential. Go bona tshedimosetso e e oketse-gileng: Leba www.saolt.org.
Language Line Services, Inc., e e tlamelang ka ditirelo tsa botoloki, e dirile kitsiso ka go gololwa ga Language Line BiMedical.net, e leng porokeramo ya khomphiuta e e dirang diforomo tsa kalafi tse di tlhagang ka dipuo tse pedi le dipampiri tsa dipotso ka dipuo tse di farologaneng gore go kgonege go buisana le balwetse ba ba sa kgoneng go bua Seesemane. E re ka diforomo tseno di gatisitswe ka puo ya molwetse le ya ngaka e e mo alafang, di diretswe gore di kgone go dira gore molwetse a sireletsege. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: info@languageline.com kgotsa www.languageline.com.
Wordfast LLC , e e tlamelang ka serweboleta sa go ranola se se bolokang tshedimosetso (TM), se golotse Wordfast 6.0 - se se diretsweng ditlamo tsa kgwebo, ditlamo tsa thanolo le baranodi ba ba iperekang.
tokafaditsweng ya TM. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: leba www.wasli.org.
Translate.org.za e e sa direng porofete e golotse, poro-keramo ya khomphiuta e e dirisang dikerafo e e dirilweng jaaka karolo ya Translate Project. Dikarolo tsa yone di akaretsa mekgwa e e farologaneng ya go rulaganya thanolo; go dira gore diele di tlhomololwe sentle ka go tshasiwa mmala le go tlhaga sentle ga ditshwaelo le mokwalo o o di dikologileng; le sedirisiwa sa go tlhatlhoba mopeleto wa thanolo e e dirilweng le mokgwa o go ranotsweng go tswa mo go one. Translate.org.za ke bontlhanngwe jwa African Network for Localisation (ANLoc) e e sa tswang go simo-lolwa, e e simolotseng letsholo la go ranolela mo dipuong tsa Se-Aforika di feta 100. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: leba http://o2.it46.se/afrigen/ kgotsa www.translate.org.za.
Dutch HLT Agency (TST-Centrale - Centrale voor Taal-en Spraaktechnologie) ke setlamo sa kwa Netherlands le Flander sa go laola, go tlhokomela le go anamisa ditso-mpelo tsa puo ya dijitale ya Se -Dutch. Bontsi jwa ditso-mpelo tseno di tlamelwa ke puso ka madi. Setlamo sa HLT se tlamela ka tsone gore di dirisediwe thuto, patlisiso le tlhabololo. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba http://www.inl.nl/index.phpoption=com_content&task=view&id =448&Itemid=552&lang=en. Kumo ya bošeng jaana e e golotsweng ke TST-Centrale ke Sofeer, e leng sedirisiwa sa go tlhatlhoba mopeleto le bukantswe ya Seheberea/Se-Yiddish le Se-Dutch. Buisa mo go oketsegileng ka tsone mo Setsheng sa bone sa Inthanete?
Go bona dibukantswe tse di farologaneng tse di kgatlhang, leba http://www.lai.com/glossaries.html.
Tokololo ya bo sometlhano ya Compendium of Translation Software (Ferikgong 2009) e setse e le gone jaanong. E dirilwe ke John Hutchins mo boemong jwa Setlamo sa kwa Yuropa sa Diporokeramo Tsa Khomphiuta Tsa go Ranola, tshedimosetso e e kokoantsweng mo teng ga buka eno e bua go le gontsi ka diporokeramo tsa gone jaanong tsa go ranola, didirisiwa tsa khomphiuta tse di thusang motho go ranola le go rekisiwa ga tsone. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: leba http://www.eamt.org.
Tranflex AB, e leng setlamo sa thanolo, se golotse InDesign for Translators - e leng e-book e ntshang diatelo kgato ka kgato tsa go baakanngwa ga difaele tsa thanolo tsa InDesign. E kwadilwe ke mmenejara wa setlamo e leng Chris Phillips, e-book e diretswe baranodi, ditlamo tsa go ranola le bagatisi ba desktop. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: leba http://www.tranflex.com.
Go toloka: International Journal of Research and Practice in Interpreting, e e tselegantsweng ke Miriam Shlesinger le Franz Pöchhacker. Lekwalopaka leno le dirisediwa tiro ya patlisiso le go tshwara ditherisano mo dikarolong tsotlhe tsa go toloka le mekgwa e botoloki bo dirwang ka yone. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: leba www.benjamins.com kgotsa subscriptions@benjamins.nl.
sepe, mmogo le batlhatlheledi, bakatisi ba seporofešenale le batho ba ba solegelwang molemo ke ditirelo tsa botoloki koo go tolokiwang ka go dirisa difouno gone. Leba Setsha sa Inthanete sa bagatisi go bona tshedimosetso e e oketse-gileng: www.trafford.com/08-1015.
Routledge Encyclopedia of Translation Studies Second Edition, e e tselegantswng ke Mona Baker le Gabriela Saldanha: Ensaetlopedia eno ke yone e e ntseng e dirisiwa thata mo tirong eno fa e sa le e tlhagisiwa lekgetlho la ntlha ka 1998. Ya bobedi, e e tlhabolotsweng fela thata le go okediwa e na le tshedimosetso e e mo nakong. E kga-ogantswe ka dikarolo tse pedi: Ya kakaretso (e e akaretsang kgopolo ya boranodi, kafa tiro ya go ranola le go toloka e tshwanetseng go dirwa ka gone, mefuta ya dithanolo le go toloka) le Hisitori le Ditso. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: http://www.routledgelinguistics.
Theatre Translation Theory and Performance in Contemporary Japan: Native Voices, Foreign Bodies e e kwadilweng ke Beverley Curran (ISBN 978-1-1905763-11-5). Kgatiso eno e tsweletsa pele metlotlo ya go ranola mo bobogelong ka go dirwa ga patlisiso ka diterama di le thataro tsa Dinaga Tsa Bophirima, tse di ranotsweng le go tshamekiwa mo seraleng kwa Japane fa e sa le ka dingwaga tsa bo 1960. E dira gore dikgopolo tsa Dinaga Tsa Bophirima di akanyediwe boša, tse di amanang le go raraana ga dipuo le ditso mo thanolong le mo bobogelong, fa beng ba tsone ba etela kwa dinageng di sele mme ba bo ba iphitlhela ba le mo gare ga batho ba ditso tse di farologaneng. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: leba http://www.stjerome.co.uk/page.php?
Multilingualism and Educational Interpreting: Innovation and Delivery e e kwadilweng ke Porofesa Marlene Verhoef le Porofesa Theo du Plessis. Kgatiso eno e bua ka tiro ya go toloka ka molomo fa go rutwa. Bolumo ya borataro ya dibuka tsa ga Van Schaik, e leng Studies in Language Policy in South Africa di akaretsa bopolotiki jwa dipuo mo Aforika Borwa e bile di kaya gore go toloka fa go rutwa go ka dira gore go kgonege gore mo setheong sa thuto, go rutwe ka dipuo tse di farologaneng. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, ikgolaganye le Bagatisi ba Van Schaik mo nomoreng ya 012 342 2765 kgotsa o lebe wsenekal@vanschaiknet.com.
Stellenbosch University Language Centre: Mo setsheng sa inthanete sa www.sun.ac.za/taalsentrum/EVD, go na le lenaane la ngwaga otlhe la dikokoano tsa go tlhabana botlhale tse di tlileng go tshwarwa.
Kamano fa gare ga Mokwalo le Dikerafo : Seminara e e tsayang sephatlo fela sa letsatsi kwa Stellenbosch University Language Centre, ka di 20 Tlhakole 2009, e e tlileng go tshwarwa ke Porofesa Leon de Stadler, e leng mankge mo go tlhameng ditokomane. Seminara e bua ka go dira gore mokwalo le dilo tse di kgonang go bonwa di nne le bokao, kamano fa gare ga mokwalo le dikerafo, tiriso ya dikerafo le seabe sa go bula phatlha fa gare ga mafoko le go rulaganya mokwalo pele o gatisiwa.
diforomo tsa go ikwadisa: www.sun.ac.za/taalsentrum/ EVD. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: Ikgolaganye le Audrey Poole mo atereseng ya taalsentrum@sun.ac.za kgotsa mo nomoreng ya 021 808 2167. Letlha la bofelo la go ikwadisa ke: 13 Tlhakole 2009. Manno ke a a lekanye-ditsweng fela.
Go Kwalela Metswedi ya Dikgang 1: Tshedimosetso-Kakaretso: Kokoano ya go tlhabana botlhale e e tsayang malatsi a le mabedi kwa the Stellenbosch University Language Centre, ka di 5-6 Motsheganong 2009, ya ba ba tla tshwanelang ke go kwala dikgang tse di tla gololwang ke metswedi ya dikgang le ba ba tla tshwanelwang ke go buisana le ba metswedi ya dikgang ka metlha. Tshedimosetso le diforomo tsa go ikwadisa: www.sun.ac.za/taalsentrum/EVD. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: Ikgolaganye le Audrey Poole mo atereseng ya taalsentrum@sun.ac.za kgotsa mo nomoreng ya 021 808 2167. Letlha la bofelo la go ikwadisa ke: 23 Tlhakole 2009. Manno ke a a lekanyeditsweng fela.
GALA Localisation Certification Programme: Local-isation Certification Programme ya bone ya ngwaga le ngwaga le Localisation Project Management Certification di tla tshwarelwa kwa San Francisco, USA (23-27 Mopitlwe 2009) le kwa Cologne, kwa Jeremane (11-15 Motsheganong 2009). Go bona tshedimosetso e e oketse-gileng, leba: http://rce.csuchico.edu/localise/ kgotsa www.gala-global.org.
Khonferense ya boditšhabatšhaba: Théorie, pratique et didactique de la traduction spécialisée, Craiova, Rumania, 28-29 Motsheganong 2009. E tla tshwarwa ka Sefora le ka Se-Rumania. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: http://dtil.unilat.
Third Conference of the International Association for Translation and Intercultural Studies (IATIS), Monash University, Melbourne, Australia, 8-10 Phukwi 2009. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: http://www.foxevents.com.au/Current-Events/2009-Events/IATIS-Conference/Default.asp[4].
Editing in the 21st century: University of York, England, 14-15 Phatwe 2009. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: www.sfep.org.uk/pub/confs/conf09/conf2009_advance.
Globalization and Localization Association, GALA 2009: The business of language. The business of language.
Cancun, Mexico, 14-16 Phatwe 2009. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: www.gala-global.
Korean Association of Translation Studies (KATS) Khonferense ya Boditšhabatšhaba, Translation and Globalisation: Sookmyung Women's University, Seoul, Korea, 30-31 Diphalane 2009. Boikaelelo jwa khonferense ke go sekaseka matswela a dikgatelopele tse di seng kana ka sepe mo go tsa thekenoloji ya tlhaeletsano le diphetogo tse di nnang gone mo thulaganyong ya diikonomi le mo baaging e re ka dilo tseno di tswenya baranodi le dithanolo. Bona tshedimosetso e e oketsegileng ka se se tla diregang fa o ka ikwadisa go sa le gale thata ka 1 Ferikgong go ya go 31 Mopitlwe 2009, mo atereseng ya http://www.kats.or.
Marion Boers. Mogala: 011 803-2681. Fekese: 0866 199 133. Imeili: publications@translators.org.za Irene Dippenaar. Mogala: 079 492 9359. Fekese: 086 511 4971. Imeili: registrar@translators.org.
<fn>DAC-NLS. ManualForThePublicServiceCommission.2009-03.tn.txt</fn>
MANYUALE WA KHOMIŠENE YA TIRELO YA SETŠHABA & OFISI YA KHOMIŠENE YA TIRELO YA SETŠHABA Go ya ka karolo 14 ya ka Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso, 2000 Molao No.
Khomišene ya Tirelo Ya Setšhaba (KTS) ke setheo se se ikemetseng e bile ga se tseye letlhakore, se se theilweng go ya ka Karolo 196 ya Molaotheo wa Aforika Borwa, 1996. KTS e filwe tiro le dithata tsa go batlisisa, go tlhokomela, le go sekaseka mokgatlho le tsamaiso ya Tirelo ya Setšhaba. Taolelo e gape e akaretsa tshekatsheko ya diphitlhelelo, kgotsa go tlhaela ga tsona ga mananeo a puso. Go tlaleletsa dithata tse di umakilweng fa godimo, KTS e na le maikarabelo gape a go rotloetsa dikgato go netefatsa go dira go go maatla e bile go nonofile mo Bodiredipusong le go rotloetsa mesola le melawana ya tsamaiso ya setšhaba jaaka go tlhagelela mo Molaotheong, mo Bodiredipusong jotlhe.
KTS e bona taolelo ya yona go tswa mo karolong 195 le 196 ya Molaotheo, 1996. Karolo 195 e tlhagisa mesola le dikaelo tse di laolang tsamaiso ya setšhaba, tse di tshwanetseng go tsweletswa ke KTS.
Tiriso e e bokgoni, e e bolokang le e mosola ya didiriswa.
Tsamaiso ya setšhaba e e sekametseng kwa tlhabololong.
Ditirelo di tswanetse go rebola ntle le go tsaya letlhakore, ka tshiamo ka tekatekano le kwa ntle ga kgobelelo.
Tsosoloso ya tsamaiso e e siameng ya badiri le tlhabololo ya bodiri.
Kemedi ya tsamaiso ya setšhaba le tsamaiso ya thapo ya badiri e e ikaegileng ka bokgoni, tshiamo, le tlhokego ya go baakanya go sa lekalekaneng ga nako e e fetileng.
Go tlhotlhomisa, go lebelela le go sekaseka mokgatlho, tsamaiso le mekgwa ya badiri ba Tirelo ya Setšhaba, mme segolo thata tlhokomelo ya mesola le dikaelo tse di tlhagisitsweng ke Karolo 195 gammogo le dithulaganyo tsa Tirelo ya Setšhaba.
Go tshisinya dikgato go netefatsa tiro e e nonofileng e bile e siame mo Tirelong ya Setšhaba.
Go neela dikaelo tse di ikaelelang go netefatsa gore dithulaganyo tsa badiri tse di amanang le patlo, ditshutiso, ditlhatloso le diteleko di obamela mesola le dikaelo tse ditlhagelelang mo Karolong 195.
Dikarolo tse di rulagantswe ka manane a le mabedi, e leng: Dipatlisiso & Ditshekatsheko tsa HR, mmogo le Tlhokomelo le Tlhotlhomiso.
Dingwe tsa dipegelotse di botlhokwa tse di tlhagisitsweng ke KTS di akaretsa magareng gat se dingwe, Maemo a Tirelo ya Setšhaba, Dipatlisiso tsa Dikgotsofalo tsa Baagi, go Lekanyetsa Maatla a Mogala wa Bosetšhaba o o Kgatlhanong le Bobodu, Tshekatsheko ya Letlhomeso la Pholisi le le malebana le go Laola HIV le AIDS mo Tirelong ya Setšhaba. Lenane le le siameng la dipegelo le le tlhagisitsweng ke KTS le mo Kitsistong ya 15 ya Karolo ya KTS/ OKTS gape le teng mo websateng e ya KTS, www.psc.gov.
KTS e theilwe go ya ka Karolo 196 ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, 1996. Molaotheo o batla Khomišene ya Bodiredi Setšhaba e le nngwe ya Rephaboliki ya Aforika Borwa e e nang le maloko a le lesomenne, ba batlhano ba bone ba supilwe ke Moporesidente ka katlanegiso ya Kokoano Bosetšhaba, fa tokololo e le nngwe e e emetseng porofense nngwe le nngwe tse di robongwe e tla supiwa morago ga tshisinyo ya Tonakgolo. KTS e ikarabela kwa Kokoanong Bosetšhaba e e isang dipegelo kwa go yona bonnye gangwe ka ngwaga. Gape e tshwanetse go begela Dikokoano-peomolao tsa diporofense ka ga ditiro tsa yona mo diporofenseng.
Go ya ka Molaotheo jaaka go kailwe fa godimo, KTS e bopilwe ke Bokomišinare ba le 14: ba ba tlhano ba le kwa Tshwane, mme Komišinare a le mongwe a nna mo porofenseng e nngwe le e nngwe. KTS e tshegediwa ke Ofisi ya Komišinara wa Tirelopuso (OKT), e eteletswe pele ke Mokaedikakaretso yo e leng Motlhankedi yo o rweleng Maikarabelo.
Jaaka go tlhokega, Moporesidente o ne a supa Maloko a le somenne a KTS. A le matlhano a ona a kwa Kantorongkgolo kwa Pretoria fa a le robongwe a le kwa porofenseng nngwe le nngwe.
Sebopego sa tsamaiso ya KTS se tlhamilwe go ya ka togamaano ya yona le dikgaolo tsa tiro ya yona.
Tiro ya Khomišene e tlhamilwe go ya ka dikgaolo tsa tiro di le thataro tse di bontshiwang ka fa tlase ga ntlha ya 1 fa godimo. Dikarolo tse di arogantswe ka Makala a tiro a mabedi, lengwe le lengwe le na le dikarolo tse tharo tsa tiro. Makala a tiro a mabedi a tshegediwa ke Tirelo ya Botlhe le Lekala la Kgokaganyo la Kgaolo, le le dirang ditirelo tsa tsamaiso le ditirelo tsotlhe tsa tshegetso go makala a tiro a mabedi.
Lekala le le tlamela ka tsamaiso ka kakaretso le tsamaiso ya ditšhelete; badiri le tsamaiso ya thebolo; tlhaeletsano le ditirelo tsa thekenoloji ya tshedimosetso le ditirelo tse dingwe tsa tshegetso tse di dirisiwang go tlhama pholisi.
Lekala: Tirelo ya Botlhe le Kgokaganyo ya Kgaolo le tlamela ka tsamaiso ya kakaretso le ya ditšhelete; tsamaiso ya badiri le thebolo; tlhaeletsano le ditirelo tsa thekenoloji ya tshedimosetso go O/KTS.
Lekala: Dipatlisiso le Ditshekatsheko tsa Badiri - Maikaelelo a lekala le ke go kgontsha KTS go tokafatsa dikamano tsa bodiri; go dira ditlhatlhobo tsa diakhaonto tsa tsamaiso ya setšhaba le dipatlisiso le go rotloetsa ditiro tse di leng kgatlhanong le bobodu, le go sekaseka tsenyotirisong ya dipholisi tsa badiri mo Tirelong ya Setšhaba.
Lekala: Tlhokomelo le Tlhotlhomiso - le tlhagisa maemo a a kwa godimo a boeteledipele jwa Tirelo ya Setšhaba, taolo e e siameng le thebolo ya ditirelo e e tokafetseng ka seabe sa baagi.
Mokaedikakaretso wa OKTS, Mohn Odette Ramsingh, ke Motlhankedi wa Tshedimosetso go ya ka Molao wa Phitlhelelo ya Tshedimosetso. Dintlha tsa kgolagano le tsa ga mohn Ramsingh ke tse di latelang: odetter@opsc.gov.za, Mogala (012) 352-1005.
Imeili: mashwahled@opsc.gov.za. Mogala (012) 352 - 1011.
Bogokaganyi jwa Kgaolo - dumisanim@opsc.gov.
Tshedimosetso - humphreyr@opsc.gov.
Kaedi mabapi le tiriso ya Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso, molao 2000, e teng go tswa go Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa.
Dipegelo tsa ditšhelete.
Kitsiso ya Karolo 15 ya Tlhagiso ka Boithaopo ya KTS/OKTS e tlhabololwa nwgaga ka ngwaga e bile e teng mo websaeteng ya KTS, www.psc.gov.za. Tlhabololo e, e malebana le kobamelo ya kaelo ya Karolo 15 (2) ya Molao wa Thotloetso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso. Kitsiso ya Karolo 15 ya KTS/OKTS e neela phitlhelelo magareng ga tse dingwe, ya dipegelo tsotlhe tse di setseng di phasaladitswe le go neelwa Palamente, mmogo le direkhoto tse dingwe tsotlhe mo websaeteng ya KTS, ntle le gore motho a dire kopo ya go nna jalo go ya ka Molao o o kailweng.
Go tshwanetse go elwa tlhoko gore dipegelo dingwe tse di neng di dirilwe ke diporofense tse dingwe le mafapha a a rileng tse di neng di dirilwe ke KTS di teng go tswa kwa go ka bonwa go tswa kwa diporofenseng le kwa mafapheng a a farologaneng, mme e seng go tswa kwa KTS/OKTS. Mo godimo ga moo, Pegelo ya Ngwaga le Ngwaga ya KTS, makwalodikgang/dimakasine, diphousetara le diphamfolete, di ka bonwa bonolo go tswa kwa Ditirelong tsa Tlhaeletsano le Tshedimosetso kwa go rre Ben De Villiers, kwa Bend@opsc.gov.za kgotsa ka tiriso ya mogala o (012) 352-1059. Lenane ka botlalo la ditokomane tse di bonwang bonolo le fitlhelwa mo Kitsisong ya Karolo 15 e e kailweng fa godimo.
Thulaganyo e e latelwang malebana le go rebolwa kgotsa go ganwa ga kopo ya tshedimosetso e teng mo Pholising ya OKTS e e malebana le Molao wa Thotloetso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso. Pholisi e fitlhelwa mo websaeteng ya KTS e leng www.psc.gov.za.
Mokopi o tshwanetse go dirisa foromo (Foromo A0 e e neng e phsaladitswe mo Kaseteng ya Mmuso (Government Notice R187 ya 15 Tlhakole 2002).
Mokopi gape o tshwanetse go kaya fa a batla khopi ya rekhoto kgotsa fa mokopi a batla go tla ka sebele go leba bona rekhoto kwa diofising tsa setšhaba (KTS/OKTS). Kgotsa fa rekhoto e se mo pampering, e ka bonwa ka mokgwa e e kopilweng ka ona fa go kgonagala.
Fa motho a kopa go e bona ka mokgwa o o rileng (sekai khopi ya pampiri, khopi ya eleketeroniki, jalo le jalo), mokopi o tshwanetse go e bona ka mokgwa one oo, ntle le fa e le gore go dira jalo go tla sitisa tsamaiso ya setheo sa setšhaba (KTS/OKTS) ka mokgwa mongwe, kgotsa ga senya rekhoto, kgotsa ka tshwenyana tetlokhopi e e seng ya puso. Fa phitlhelelo e sa kgonagale ka mokgwa o e batliwang ka one, fela e ka neelwa ka mokgwa mongwe, fa go le jalo madi a mokopi a tshwanetseng go a duela a tshwanetse go rulaganngwa go ya ka mokgwa o mokopi a kopileng ka one kwa tshimologong.
Fa, godimo ga karabo e e kwadilweng go araba mokopi, mokopi a batla go bolelelwa ka ga tshwetso ka mokgwa mongwe, sekai; ka mogala, se se tshwanetse go tlhagisiwa.
Fa mokopi a dira kopo mo boemong jwa motho mongwe, maemo a kopo e dirwang ka one, a tshwanetse go tlhagisiwa.
Fa mokopi a sa itse go buisa kgotsa go kwala, kgotsa a na le bogole, kopo ya rekhoto e ka dirwa ka molomo. Motlhankedi wa tshedimosetso o tla tlatsa foromo mo boemong jwa mokopi, mme a ba neele khopi ya foromo e e tladitsweng.
Go na le mefuta e mebedi ya dituelo e e batlegang go duelwa go ya ka Molao, e bong; tuelo ya kopo le tuelo ya phitlhelelo (tebang le kitsiso ya tshwetso mabapi le go bona phitlhelelo).
ga mokopi yoo, ga a batlege go duela madi a kopo.
ditheong tsa setšhaba.
kopo go ya pele.
kgotlatshekelo kgatlhanong le thendara kgotsa tuelo ya madi a kopo.
batlang go itsiswe ka ga yona.
go feta diura tse di kailweng tsa go batla le go baakanya rekhoto go ntshiwa.
a a maleba.
Maikarabelo a KTS/OKTS, jaaka a tlhagisitswe mo go 1, ke a e leng gore badirelwa bat eng ke Kokoanopeomolao ya Bosetšhaba, Ditheomolao tsa Diporofense, mafapha a magwe a mmuso le ditheo/mekgatlho tsa/ya setšhaba, mme ga e tlamele setšhaba ka ditirelo dipe. Le gale, tshedimosetso e e rileng ka ga tirelo ya setšhaba, sekai, maemo a tirelo ya setšhaba le dipatlisiso ka ga go kgotsofala ga baagi ka ditirelo tsa mmuso,, e ka bonwa go tswa kwa Ditirelong tsa Tlhaeletsano le Tshedimosetso: Bend@opsc.gov.za. Setšhaba gape se ka dirisa mogala o o latelang wa magala wa Bosetšhaba o o leng Kgatlhanong le Bobodu wa Bodiredipuso (0800 701 701), o o leng mo KTS e bile o laolwa ke yona.
Aterese ya imeili: Mmatharim@opsc.gov.za KGOTSA Thatom@opsc.gov.
KTS e tlhokomela le go lekanyetsa manane a tirelo ya setšhaba ka maikaelelo a go neelana ka maele, mme fa go tlhokegang, go dira dipatlisiso go bona mekgwa ya go tokafatsa tlhagiso ya ditiro mo tirelong setšhaba.
KTS e dira dipatlisiso tse di farologaneng tse di felelang mo neelong ya dipegelo tse di neelwang Kokoano Bosetšhaba (National Assembly), Dikgotlapeomolao tsa Diporofense le mafapha ka nosi. Dipegelo tse di thusa mo go tlhameng pholesi le dithulaganyo tsa go dira peomolao.
Fa go tlhokagala, KTS e tla ka melawana le dikaelo tse di ka thusang go tokafatsa taolo le/kgotsa tlhagiso ya ditirelo mo bodiredingpuso. Nako nngwe melawana le dikaelo/dipholisi tse di leng teng di a sekasekiwa go nyalelana le diphetogo tsa tiro/sebopego fa teng ga bodiredipuso.
Dithulaganyo tse di latelang di teng gore batho ba bege kgotsa ba baakanye boatla jo go tweng bo teng, ditiro tse di sa lolamang kgotsa maitsholo a a seng a molao kgotsa boikgatholoso ka KDS/OKTS kgotsa modiri mongwe le mongwe wa yona.
Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso: bothati jwa ka fa teng malebana le Molao o ke Monnasetulo wa Khomišene ya Bodiredipuso (dikarolo 74 - 77). Morago ga go fetsa dipakaanyo tsa ka fa teng, kopo e ka dirwa kwa kgotlatshekelo (dikarolo 78 - 82 Molao wa Thotloetso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso).
kgotsa ikgatoloso (karolo 35 ya Molao wa Bodiredipuso, 1994).
200 e bile e fitlhelwa mo websaeteng ya KTS, e leng www.psc.gov.
Motho a ka tlhatlhela ngongorego le motlhatlhobi wa bodiri mabapi le mokgwa momgwe le mongwe o o kgatlhanong le Molao wa Botlhokwa wa Maemo a Thapo, 1997 (Molao No. 75 wa 1997 - karolo 78(1)(a)), kgotsa Molao wa Thapo ka Tekatekano, 1998 (Molao No. 55 wa 1998 - karolo 34(e)).
Motho a ka tlhatlhela ngongorego le Mosireletsi wa Setšhaba tebang le maitsholo a a belaetsang a a seng mo molaong kgotsa tiro e e sa siamang kgotsa ikgatoloso Molaotheo le Molao wa Mosireletsi wa Setšhaba, 1994 Molao No.
Motho a ka tlhatlhela ngongorego le Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa mabapi le tiro ya semmuso kgotsa ikgatoloso e e belae-tsang go nna kgatako kgotsa go nna matshosetsi e ditshwanelo tsa botlhokwa (Molao wa Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho, 1994 (Molao No. 54 wa 1994)).
Go sireletsega kgatlhanong le ditlamorago ka ntlha ya tshenolo tebang le maitsholo a a seng ka fa molaong kgotsa maitsholo a a sa amogele-segeng a mothapi kgotsa modirammogo, motho yo o amegang a ka latela dithulaganyo tsa tshenolo tsa Molao wa Tshireletso ya Ditshenolo, 2000 (Molao No. 26 wa 2000).
Tiriso ya dipaakanyo tse dingwe tsa semolao jaaka tlhagiso ya dithulaga-nyo tsa karolo ya tsamaiso semolao go ya ka Molao wa Tsweletso ya Tsamaiso Bosiamisi, 2000 (Molao No. 3 wa 2000).
Motho a ka kopa mabaka a tiro ya tsamaiso go ya ka Molao wa Tsweletso ya Tsamaiso ya Bosiamisi, 2000 (karolo 5).
Motho a ka kopa go bona direkhoto ts lefapha la mmuso kgotsa setheo sengwe sa setšhaba go ya ka Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso, 2000 (karolo 11).
sa siamang. Molawana B.3 le C.4.
Maikarabelo a mothapi le mothapiwa mongwe le mongwe go senola maitsholo a bosenyi le maitsholo mangwe le mangwe a a sa amogelese-geng mo tirong a gatelela Molao wa Ditshenolo tse di Sireleditsweng, 2000 (Ketapele).
KTS/OKTS, fa go tlhokega, e tla tlaleletsa le go phasalatsa manuale wa yona o o kailweng mo karolwaneng (1) wa karolo 14, ka dipaka tse di sa feteng ngwaga.
o tla tsenngwa mo websaeteng ya KTS, www.psc.gov.
<fn>DAC-NLS. TurnAroundAgreement.2009-03.tn.txt</fn>
Baamegi ba tsena mo taumelanong e ya Ditokafatso ka nako e mo hisitoring ya naga ya rona kgwetlho ya go laola thulaganyo ya tshiamiso mo Mererong ya tsa Selegae e leng mo go rona. Ke nako e baamegi ba lebaganeng le kgwetlho e e tshwanang ya go aga le go siamisa DHA ya ga jaanong go nna Lefapa le lentšhwa la Merero ya tsa Selegae go tokafatsa pitlhelelo, boteng, mafaratlhatlha, maatla, nonofo le boleng jwa thebolo ya ditirelo malebana le ditiro tse di diriwang ke DHA, le ka fa letlhakoreng le lengwe, go okediwa thapo le go tokafatsa go dira, katiso le tlhabololo ya bokgoni, boleng le tswelelo ya ditiro go badiri ba DHA e e leng botlhokwa malebana le tshiamiso ya katlego ya DHA.
Baamegi ba amogela gore ba na le boineelo jo bo tshwanang malebanale le kgatlhego e e bulegileng ya go direla ditlhokwa tsa tlhabololo tsa Naga le setšhaba sa Aforika Borwa. Gape ba amogela gore Molaotheo o netefatsa ditshwanelo tsa batho botlhe mo Rephaboliking le go tlhomamisa melawana ya demokerasi ya seriti sa batho, tekatekano le kgololosego. Molaotheo o baya tiro mo Pusong go tlotla, go tokafatsa le go diragatsa disthwanelo jaaka di tlhagelela mo Molaotlhong wa Ditshwanelo.
Le fa go ntse jalo baamegi ba totobalo ba rekhota boineelo jwa bona mabapi le thebolo e e maatla ya ditirelo tsa setšhaba mo DHA, ka go netefatsa gore ditirelo tse di botlhokwa di rebolelwa baagi le badirisi mabapi le ditiro tse di diriwang ke DHA, le tsamaiso ya setšhaba e e nonofileng le tiriso e kgolo ya didirisiwa. Go potlakisa thebolo ya ditirelo go ya ka melawana ya tsamaiso ya setšhaba e e tlhagelelang mo Molaotheong le mo Pholising ya Batho Pele. Gape, baamegi ba rekhota boineelo jwa bona go tlhola mowa o o lorato wa tirelo ya setšhaba mo DHA o o ineetseng mo tsamaisong ya setšhaba ya maitsholo, kgomarelo ya kaelo ya molao le melawana ya maitsholo le go tokafatsa mekgwa e e maatla go somarela le go thibela bobodu le tsmaiso e e sokameng.
Baamegi ba tumelano ya ditokafatso ba ikana le go ineela go tlotlana ka mafoko le ka ditiro, le go tlotla mowa le lekwalo la tumelano e, le le tla laolang maitlhomo, melawana le dithulaganyo tsa tsamaiso ya tsela ya tshiamiso go aga Merero e Mentšhwa ya tsa Selegae.
"Karolo ya diposo tsa A" ke diposo tsa maemo a bo 9 go fitlha go tsa maemo a bo 12 mo sebopegong se sentšhwa.
"Karolo ya diposo tsa B" ke diposo tsa maemo a bo 8 le a a kwa tlase mo sebopegong se sentšhwa, mme ga di akaretse diposo tse di welang mo karong ya A.
"Bokgoni" bo kaya motswako wa kitso, botlhale, maitsholo le kitso e motho a ka e dirisang mo tirong, e e supang bokgoni jwa motho go fitlhelela ditlhokego tsa poso e e rileng.
"Molaotheo" o kaya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa Molao No. 108 wa 1996, jaaka o tlhabolotswe.
"MK" e kaya Mokaedi-Kakaretso wa DHA kgotsa moemedi wa gagwe.
"DHA" e kaya Lefapha la Merero ya tsa Selegae.
"Mothapi" o kaya DHA.
"KKLTD" Khansele ya Kakaretso ya Lephata la Tirelopuso ya Ditherisano.
"HR" e kaya bokaedikgolo jwa Ditirelo tsa Batho jwa DHA.
"LRA" e kaya Molao wa Dikamano tsa Badiri No. 66 wa 1995, jaaka o tlhabolotswe.
"Tshutiso" e kaya tsela ya go baya badiri go tswa posong e nngwe ya mo sebopegong sa bogologolo sa mokgatlho mo sebopegong se sengwe se sentšhwa.
"NEHAWU" e kaya Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Boitekanelo le wa Badiri ba ba Tshwaraganeng, e le Mokgatlho o o kwadisitsweng wa badiri.
"Peotirong" e kaya go baya modiri yo o leng teng mo posong mo sebopegong se sentšhwa.
"PSA" e kaya Mokgatlho wa Badiredipuso, e le Mokgatlho o o kwadisitsweng wa badiri.
"Tumelano ya Ditokafatso" kgotsa "Tumelano" e ka ya tumelano ya botlhe.
"TCF" e kaya Foramo ya Ditherisano ya Ditokafatso.
"Modiri yo o sa bewang mo tirong" kgotsa "modiri yo o tshwanetseng go bewa mo tirong" ke modiri yo o iseng a beiwe mo sebopegong se sentšhwa sa mokgatlho.
3.1 Puso ya Aforika Borwa e ineetse go maatlafatsa batho ba yona go tswa mo malatsing a bona a ntlha go fitlha ka a bofelo a bona ka ditokomane tse di nepagetseng, le go tshegetsa kgolo le tlhabololo ka go kgontsha batho ba ba nang le botlhale, bajanala le babeeletsi go nna le seabe mo ikonoming ya rona.
3.2 DHA e tlamela ka ditirelo tse di farologaneng mo nageng yotlhe. Sekao, ka thebolo ya kwadiso ya matsalo le makwaloitshupo, lefapha le kgontsha batho go fitlhelela ditirelo tse di botlhokwa tsa setšhaba . Gape le tlamela baeng ka ditokomane tse di botlhokwa ba ba eletsang go dira kgwebo mo nageng e gape le bebofatsa phalalelo ya batho ba bq nang le bokgoni jo bo tlhaelang mo nageng. Tlhaelo ya bokgoni jo e supilwe e le sekgoreletsi se se botlhokwa go tokafatsa tlhagiso le kgolo ya ikonomi. Gotlhe, DHA e na le seabe se se botlhokwa mabapi le go tlamela phitlhelelo go ditirelo tsa setšhaba le go tshegetsa kgolo ya ikonomi mo nageng e. Se, se raya gore le tshwanetse go nna le bokgoni jwa go rebola ditirelo tse ka nonofo le ka maatla, go emanokeng Kgato ya Kgolo e e Potlakisitsweng e bile e Abelanwa ya Aforika Borwa (ASGI-SA) le Kgato e e Kopanetsweng malebana le Phitlhelelo ya Bokgoni jo bo Tlhokegang (JIPSA).
3.3 Go etswe maitlhomo otlhe a tlhoko, puso e beeleditse didirisiwa tse di botlhokwa mo tshiamisong e e feletseng ya DHA go Aga Merero e ntšhwa ya tsa Selegae go netefatsa gore Lefapha le rebolela badirisi ba lona botlhe ditirelo tse di siametseng setšhaba, tse di se nang boodu gape di nonofile tse di tsamaelang le dikaelo tse di botlhokwa le melawana e e tlhagelelang mo karolong 195 (1) ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa.
go tokafatsa le go tlhabolola bokgoni jwa badiri botlhe ba lona, go akaretsa e bile segolobogolo badiri ba botsamaisi.
go netefatsa gore batho ba ba nang le bokgoni jo bo siameng kgotsa maatla a go bona botlhale jo bo siameng le bokgoni ba isiwa kwa diposong tse di siameng.
go netefatsa gore batho ba ba nang le bokgoni jo bo siameng kgotsa maatla a go bona botlhale jo bo siameng le bokgoni ba a tlhabololwa fa go tlhaelang mo pakeng e e tshwanetseng go tlhomamisiwa ke DHA ika therisano le modiri le/ kgotsa mokgatlho wa gagwe wa badiri.
tsela ya tshutiso ya badiri ba ba thapilweng mo maemo a bo 12 le a kwa tlase go tswa mo diposong tsa mo sebopegong sa bogologolo sa mokgatlho go diposo tse di mo sebopegong se sentšhwa sa mokgatlho go fitlhelela maitlhomo a Tsela ya Ditokafatso jaaka a tlhagelela mo tumelanong e.
mekgwa, ditsela le dithulaganyo tse di laolang maatla a tsela ya Ditokafatso mo badiring, go akaretsa manaane a katiso le tlhabololo le tshireletso ya thapo le dinetefatso tsa tshireletso ya lotseno.
go netefatsa gore ga go ope yo o thapilweng ke DHA yo o yang go lebogisiwa tiro ka ntlha ya tsela ya ditokafatso.
4.1 Tumelano e e dira mo badiring ba ba thapilweng mo DHA mo maemong a bo 12 le a a kwa tlase.
mekgatlho ya badiri e e saenileng Tumelano e le badiri ba ba welang ka fa tlase ga sekoupu se se kwadisitseng sa KKLTD ba ba thapilweng mo DHA mo maemong a bo 12 le a a kwa tlase.
go ya ka karolo 23 (1)(d) ya LRA, badiri botlhe ba bangwe ba mothapi ba e seng maloko a mokgatlho wa badiri o o kwadisitsweng ba ba amegang mo Tumelanong e e bile ba thapilwe mo DHA maemong a bo 12 le a kwa tlase.
5.1 Baamegi ba tshwanetse obamela dikaelo tse di latelang tsa maitsholo mo tseleng yotlhe ya ditokafatso le peotirong.
Go obamela melawana, dikaelo le dithulaganyo tse di tlhagelelang mo Tumelanong e.
Go phasalatsa tshedimosetso yotlhe e e ikaegileng ka dintlha e seng ka kabakanyo.
Go kgaratlhela go fitlhelela tumelano mo ditshwetso di tlhokegang.
Go dira mo dikgatlhegelong tsa DHA, tsa badiri ba yona le mo ditlamegong tsa yona tsa thebolo ya ditirelo.
Go dira ka mokgwa wa tlotlo le wa bopelotlhomogi go mongwe le mongwe.
Go ikaegilwe ka Karolo 16 ya LRA, o se ke wa senola tshedimosetso e e leng khupamarama.
Go bontsha go rata ga bona, boineelo le thotloetso ya go aga DHA e ntšhwa.
Go neelana ka kitsiso e e siameng ya go se kgone ga bona go tsenela kopano kgotsa go fitlhelela letlha la bofelo, e bile bay a go tlogela go dira jalo mo go ka kgonagalang go tilega sentle.
Go senola kwa pele dikgotlhang tsotlhe tse di ka kgonagalang tsa dikgatlhego le go ikgogela morago ga bona mo nang kgotsa go ka bonagalang go na le kgotlhang ya kgatlhego.
Tsela ya ditokafatso le tshutiso e tshwanetse go kaelwa, magareng gat se dingwe, ke maitlhomo le dikaelo tse di latelang.
6.1 Go netefatsa thebolo ya ditirelo e e sa kgorelediweng e bile e lolame ka motsi wa tokafatso le tshutiso le tshiamiso ya badiri mo dibopegong tse dintšhwa tsa mokgatlho.
6.2 Go bebofatsa tiriso e e siameng ya badiri le go oketsa bokgoni jwa bona jwa tlhabololo.
6.3 Go dira sentle, ka tlhomamo le mo go utlwagalang.
6.4 Go tlamela ka thulaganyo e e siameng gape e se na bofitlha e e fokotsang ditleleimi le dikganetsano le go tlamela badiri ka bonnete ka bonako jo bo ka kgonagalang.
6.5 Go tlhaeletsana le badiri gangwe le gape go fokotsa letshogo le ketsaetsego le go rotloetsa ka kakaretso seabe se se siameng mo thulaganyong.
6.6 Go diragatsa tlhabololo ya bokgoni le maitlhomo a tekatekano ya thapo le maano tsa DHA, le go di lolamisa fa go tlhokegang.
6.7 Go rulaganya le go laola tshutiso ya badiri ba bal eng teng ka tshiamo le mo go utlwagalang ka mo go ka kgonagalang.
6.8 Go tlamela ka tsela mo DHA e yang go nna le thata ya go baya mongwe gongwe le gongwe mo Lefapheng ka therisano le motho yoo kgotsa mokgatlho wa gagwe wa badiri go ikaegilwe ka ditlhokego tsa tiro tsa DHA.
6.9 Modiri ga a ne a bewa mo maemong a a kwa tlase ga a modiri yoo ga jaanong a leng mo go ona.
6.10 Peo e ya go diriwa go ya ka dipholisi tse di leng teng tsa peo le dithulaganyo mo Bodiredingpuso.
6.11 Tshutiso e tla tsenngwa tirisong go ya ka tshedimosetso ya bokgoni ya modiri le kelotlhoko ya molawana go tshwana go go fa gaufi.
6.12 Go naya molawana wa go tokafatsa tirisano bokao mo DHA le kabelano ya kitso ka, magareng ga tse dingwe, go nna botlhale mabapi le go tsenya badiri mo dikarolong tse mo go tsona ba tswang ban a le bokgoni kgotsa tse mo go tsona ba ka boning bokgoni mo pakeng e e utlwagalang.
6.13 Go gapeletsa molawana wa gore badiri ba ba dirang nama-o-tshwere mo diposong le tse ba tlhophilweng go di tshwara ga ba na thata go di tsaya go nna thapo ya leruri mo diposong tseo mo sebopegong se sentšhwa.
6.14 Go netefatsa gore didirisiwa tse di siameng gape di lekane di a tlamelwa mabapi le tiragatso e e nonofileng ya Tumelano e.
6.15 Go netefatsa thebolo ya ditirelo e e tokafaditsweng.
7.1 Badiri botlhe ba ba mo maemong a diposo a bo 12 go fitlha ka bo 9 mo sebopegong se sentšhwa ba tshwanetse go tsenela tshekatsheko ya bokgoni e e tshwanetseng go diriwa ke setheo se se amogelwang gape se siame e bile ba ka kopiwa go tsenela potsotherisano ya bokgoni.
7.2 Ditlamorago tsa tshekatsheko ya bokgoni di ya go dirisiwa jaaka sedirisiwa sa go tlhagisa ditlhokwa tsa katiso le tsa tlhabololo tsa modiri.
7.3 Mbapi le bakopi go diphatlhatiro dinngwe le dinngwe kgotsa tse dintšhwa malebana le Karolo ya diposo tsa A, ke tlhokego gore mokopi a tsenele tshekatsheko ya bokgoni e e tshwanetseng go diriwa ke setheo se se amogelwang gape se siame e bile mokopi o tla kopiwa go tsenela potsotherisano ya bokgoni.
8.1 Fa diteng tsa tiro ya poso di fetotswe thata, sekao, 50% kgotsa go feta, poso e ya go tsewa e le eo ya poso e ntšhwa bile melawana e e tlhokegang ya diposo tse dintšhwa e ya go diragadiwa.
8.2 Fa tiro ya tshekatsheko ya tiro e tlhomamisitse maemo a tiro ka tsela e nngwe, dipholisi le dithulaganyo tse di leng teng mo Bodiredingpuso di tla dira.
8.3 Motho wa poso e e fetogileng e bile a sa tshwanelwa ke poso e ntšhwa o ya go bewa mo posong ya maemo a a tshwanang mo Lefapheng.
8.4 Tshutiso ya badiri botlhe go tswa mo sebopegong sa bogologolo go ya kwa sebopegong se sentšhwa e ya go netefadiwa ka lekwalo ke DHA.
8.5 Fa go na le diposo di le mmalwa mo sebopegong se sentšhwa go na le mo sebopegong sa bogologolo, tshekatsheko ya bokgoni mmogo le ditlhokego tse di yang go tlhomamisiwa ke DHA ka therisano le mekgatlho ya badiri di ya go dirisiwa jaaka tlkhokego ya go tlhopha go tlhomamisa peotirong. DHA e tla tsenela dipuisano le mekgatlho ya badiri mo TCF mo ditlhokego tse di kailweng di fetolang maemo a tirelo a badiri.
8.6 DHA e ya go nna le thata go baya modiri gongwe le gongwe mo Lefapheng go ikaegilwe ka ditlhokego tsa tiro tsa lona morago ga go buisana le modiri yoo le/kgotsa mokgatho wa gagwe wa badiri. Fa go gana ga motho yoo go sa utlwagale, DHA e ka dirisa dipaakanyo tse di maleba tse e nang le tsona.
Malebana le karolo ya diposo tsa B, dikaelo tsa tlelose ya 6 tse di fa godimo, di ya go dira ka polokesego malebana le ditshekatsheko tsa bokgoni, tse di ka se keng tsa nna maleba.
DHA e ya go netefatsa gore go na le tlhaeletsano e e tswelelang go badiri ba ba tshwanetseng go bewa mo tirong malebana le ditlhabololo mo thulaganyong ya tshutiso.
Ditsholofelo, matshwenyego kgotsa dintlha tse dingwe tse di amang badiri ba ba tshwanetseng go bewa mo tirong di tshwanetse go laolwa ka tlhaeletsano ya boikanyego, ya gangwe le gape e bile e bulegile.
11.1 Phanele ya Peotirong e ya go tlhomiwa go tlhokomela tsenyotirisong ya thulaganyo ya tshutiso.
DG o ya go thopha badir ba DHA ba le batlhano, yo a le mongwe wa bona e yang go nna Monnasetulo wa Phanele ya Peotirong. Go tlaleletsa TCF e tla tshisinya motlatsamonnasetulo.
Baamegi bangwe le bangwe ba mekgatlho ya badiri ba Tumelano e, bat la tlhopha baelatlhoko ba le babedi go nna mo Phaneleng.
Go ela tlhoko le go swetsa ka ga merero yotlhe e e amanang le tshutiso ya badiri go tswa mo sebopegong sa bogologolo go ya kwa sebopegong se sentšhwa.
Go lalaetsa mongwe fela go tsenela dikopano tsa phanele kgotsa go thusa Phanele go diragatsa maitlamo a yona, mo ditshenyegelo tsa yona, fa go le maleba, di yang go rwalwa ke DHA.
Go itsise badiri ba ba amegang ditshwetso tsotlhe tsa tshutiso tse di tserweng ke Phanele kgotsa DG kgotsa moemedi yo dumeletsweng sentle.
Go batlisisa, le go begela DG kgotsa moemedi yo o dumeletsweng sentle ka ga morero mongwe fela o o amanang le thulaganyo ya tshutiso.
Go tlhokomela le go netefatsa tiragatso e e siameng e bile e tlhomame ya thulaganyo ya tshutiso jaaka go tlhagisiwa ke Tumelano e.
Go netefatsa gore thulaganyo ya tshutiso e a konosediwa le go tlisiwa kwa bokhutlong.
Phanele e ya go kopana jaaka go dumelanwe le fa go dumelanwe, le ka dinako tseo tse dingwe tse Monnasetulo a boning di le botlhokwa.
Ditlhokego tsa khoramo ya Phanele ke 50% le mongwe wa maloko a Phanele.
Monnasetulo wa Phanele o ya go rwala maikarabelo a go bitsa dikopano tsa Phanele.
Ntle le fa go dumelanwe ka mokgwa mongwe, dikitsiso tsa kopano nngwe le nngwe, tse di tshwanetseng go akaretsa dintlha tsa lefelo, nako, letlha, lenanetema, le tshedimosetso e nngwe e e maleba ya tshegetso kgotsa ditokomane, di tshwanetse go romelwa leloko lengwe le lengwe la Phanele le batho ba bangwe ba ba kopiwang go tsenela kopano kgotsa ba ba tshwanetseng go tsenela kopano, malatsi a a sa feteng a mabedi a tiro pele ga letlha le le tshisintsweditsweng kopano.
Monnasetulo wa Phanele o tshwanetse go netefatsa gore metsotso, dikhophi tsa dipegelo tsotlhe le tshedimosetso e nngwe e e botlhokwa e Phanele e itshepileng yona mo go fitlheleleng ditshwetso tsa yona le ditlhaeletsano tsa ditshwetso tsa yona di somarelwa sentle.
11.7.2.2 metsostso ya dikopano tsa Phanele e neelwa maloko otlhe malatsi a a sa feteng a matlhano a tiro morago ga kopano nngwe le nngwe ya Phanele, ntle le fa phanele e dumelana ka mokgwa mongwe.
Monnasetulo a ka thapa mokwaledi wa metsostso.
11.8.1.1 Go dira ditiro tsa leloko la Phanele ka boikanyego, ka botshepegi le ka tlhwaafalo.
11.8.1.2 Go dira mo kgatlhegelong e e siameng ya DHA le badiri ba yona.
11.8.1.3 Go itshola ba ikaegile ka ditlhokego tsa kaelo e e farologaneng ya molao, ya molao o o tlwaelegileng le ditlhokego tse dingwe tse di laolang maitsholo a a siameng a badiredi ba setšhaba.
11.8.1.4 Go sireletsa tshedimosetso e e leng khupamarama e a nang le yona jaaka leloko la Phanele.
11.9.1.5 Go tsenela kopano nngwe le nngwe ya Phanele, ntle le fa leloko le kopiwa ikgogela morago kgotsa itokolola mo kopanong, kgotsa a sa kgone ka ntlha ya bolwetse, kgobalo kgotsa maemo a a utlwagalang a a sa kgoneng go bonelwapele.
11.8.2.1 Ba tshwanetse go sireletsa tshedimosetso e e leng khupamarama e ba nang le yona jaaka baelatlhoko kgotsa Phanele le dikopano tsa yona.
11.8.2.2 Ga ba a tshwanela go nna le seabe mo dikopanong le mo dithulaganyong tsa Phanele kgotsa go di kgoreletsa.
11.8.3.1 Go senola kgatlhego nngwe le nngwe ya tlhamalalo kgotsa e e seng ya tlhamalalo ya sebele kgotsa ya poraefete e leloko kgotsa moelatlhoko kgotsa mogatse, modirisani, leloko le le fa gaufi la lelapa, tsala kgotsa modirammogo mo kgwebong e ba ka tswang ba na le yona mo ntlheng nngwe le nngwe e e amanang le modiri yo o sekasekiwang ke Phanele kgotsa modiri yo o dirileng katlanegiso ya tshutiso.
11.8.3.2 Go ikgogela morago mo ditiragalong tsa Phanele mo morerong o o sekasekiwang o mo go ona leloko kgotsa moelatlhoko a nang le kgatllhego kgotsa go ka akanngwang a na le kgatlhego mo go ona, ntle le fa Phanele e swetsa ka gore kgatlhego ya leloko kgotsa ya moelatlhoko ke e nnye kgotsa ga e maleba.
Ga go na leloko la Phanele le le tshwanetseng go dirisa maemo, ditshwanelo kgotsa tshedimosetso e e leng khupamarama e le nang le yona jaaka leloko, go itswela mosola ka poraefete kgotsa e dirisa go tswela mongwe mosola mo go sa tshwanelang.
Modiri kgotsa mokgatlho wa badiri o o amegang mo Tumelanong e, o o dirang mo boemong jwa maloko a ona, yo o utlwisitsweng botlhoko ke tshwetso nngwe le nngwe e e mabapi le peotirong ya modiri, kgotsa ntlha nngwe le nngwe ya thulaganyo ya tshutiso ka kakaretso, a ka lebisa ngongorego kwa Phaneleng go ya ka ditsela tse di tlhagelelang fa tlase.
Ngongorego e tshwanetse go kwadiwa le go nna le dintlha tse di lekaneng go kgontsha Phanele go tshwetso e e siameng.
Ngongorego e tshwanetse go tsenngwa mo sebakeng sa malatsi a le matlhano morago ga ga gore modiri yo o utlwileng botlhoko a amogele kitsiso ya lekwalo go tswa go DHA ka ga tshwetso ya peotirong e e amang modiri yoo.
13.1 Ga go na diposo tse di yang go phasaladiwa go fitlhela thulaganyo ya go nyalanya le ya peotirong di konosediwa.
13.2 Malebana le dipeotirong tse di botlhokwa, diphasalatso tsa ka fag are le tsa kwa ntle di ka diriwa ka thata ya DHA mo ditlhokego tsa bokgoni tsa poso di sa nyalaneng le bokgoni jwa badiri ba ba tlositsweng.
14.1 Baamegi ba ya go tsena mo kgolaganong ka maikaelelo a go tlhagisa lenaane le le siameng la katiso le tlhabololo go tlhabolola bokgoni, botswerere le kitso tsa badiri ba DHA.
Katiso ya tlhabololo ya tsamaiso go batsamaisi ba ba mo maemong a bo 9 go fitlha ka bo 12, e e yang go rulaganngwa ke DHA.
Katiso e e malebana le tlhokomelo ya badirelwa go badiri botlhe ba ba leng mo maemong a bo 8 le a a kwa tlase katiso ya tlhabololo ya tlhokomelo go batlhokomedi ba bal eng mo maemong a.
Baamegi ba ya go tsena mo kgolaganong ka maikaelelo a go tlhagisa pholisi le thulaganyo tse di siameng tsa taolo ya tiro go laola tiro ya badiri ba DHA ba ba thapilweng mo sebopegong se sentšhwa. Pholisi e ya go tsamaelana le letlhomeso la taolo ya tiro la Bodiredipuso.
TCF e tla newa tiro ya go samagana le merero yotlhe e e amanang le tlhaeletsano e e amang tumelano e.
Tumelano e, e ya go simolola ka letlha la tshaeno e bile e ya go khutla ka letlha le le tshwanetseng go tlhomamisiwa ke baamegi.
18.1 Fa kganetsano e ama morero wa tshutiso, modiri kgotsa mokgatlho wa badiri o o amegang mo Tumelanong e o tshwanetse sa tlha go lebisa ngongorego kwa go tshwanetseng go ya ka dithulaganyo tse di tlhagelelang mo temaneng ya bo 10.
18.2 Fa ngongorego e sa rarabololwa mo go kgotsofatsang, modiri kgotsa mokgatlho wa badiri o o amegang mo Tumelanong e, o ka lebisa kganetsano e e ka ga thanolo kgotsa tiragatso ya Tumelano e go KKLTD.
Fa kganetsano e amana le peotirong ya modiri, e bile kganetsano eo e sa wele ka fa tlase ga karolo ya tiragatso ya tiro e e sa siamang, baamegi ba dumelana go lebisa dikganetsano tseo kwa katlholong ya poraefete.
Baamegi bay a go tlhomamisa Phanele ya baatlhodi mabapi le se.
E saenilwe le go neelwa letlha mo ka di tsa.
<fn>DOL. AgricultureAndForestryChecklist.2011-01-10.tn.txt</fn>
HCS 3(j) A badiri ba katisegile sentle mabapi le ditsamaiso tsa go bereka ka pabalesego mo tirisong ya ditlhagiswa tse di borai?
HCS 3(k) A badiri ba itse se se tshwanetseng go dirwa fa go ka nna le tshologo ya mere e e borai?
HCS 9A(2) A go na le dikwalelo tsa dinewane tsa pabalesego ya dire mabapi le setlhagiswa sengwe le sengwe?
HCS 11(6)(a) A go na le matlhapelo a badiri ba ba tswakang/laisang/dirisang mere e e bolayang ditshenekegi?
GSR (9) A go na le dišawara kgotsa mathombo ka segaufi a badiri ba ka a dirisang go tlhapa fa ba ka tshelegelwa ke dikhemikale tse di ka nnang borai mo matlhong kgotsa matlalo a bona?
HCS 14(c) A mere e e ka nnang borai mo badiring e tshwaegile sentle?
HCS 15 A dikhemikale di faphega/tshwarega/latlhiwa ka mokgwa wa tshwanelo ka gale?
<fn>DOL. ConstructionHealthAndSafety.2010-11-30.tn.txt</fn>
itsise Lefapha la Badiri ka ga tiro ya gago ya kago jaaka Molao wa Boitekanelo le Polokesego kwa Tirong (OHS) o kopa?
nna le nako e e lekaneng ya go baakanya, ya go rulaganya le ya go laola tiro ya gago?
keleka se se diragalang le go tsibogela dilo tse di kotsi?
nna le Thulaganyo ya Tsamaiso e e malebana le Boitekanelo le Polokesego e e akaretsang baemedi ba boitekanelo le polokesego le komiti e e malebana le boitekanelo le polokesego?
na le mongwe yo o ka mmonang fa o tlhoka kgakololo ka ga boitekanelo le polokesego?
bega fa leloko la setšhaba le bolailwe kgotsa le rometswe kwa bookelong ka ntlha ya kotsi e e amanang le tiro ya kwa lefelong la gago.
ba katisitswe le gore ba siametse go dira tiro ka polokesego gape ntle le go tsenya boitekanetlo jwa bona mo kotsing kgotsa jwa ba bangwe?
ba tlhokomelwa sentle le go neelwa ditaelo tse di siameng?
ba na le dithulusu tse di maleba, ditlamelo, polante le diaparo tsa tshireletso?
o sekaseka dintlha tsa boitekanelo le tsa polokesego le bona le baemedi ba bona?
lebelela gangwe le gape merero ya boitekanelo le ya polokesego ya batho ba o rulaganyang go ba dirisa?
ba neela tshedimosetso ka ga boitekanelo le polokesego e ba e tlhokang mabapi le tiro?
sekaseka tiro le bona pele ba simolola?
netefatsa gore o rebotse sengwe le sengwe se lo dumelaneng ka ga sona (sekao: dikhafole tsa polokesego, polante e e maleba, phitlhelelo ya dibebofatsi, jj)?
lebelela tiro ya bona gangwe le gape le go baakanya mathata?
A mongwe le mongwe a ka kgona go ya kwa lefelong la gagwe la tiro ka polokesego-le go dira koo ka polokesego?
A ditsela tsa go fitlhelela lefelo di mo maemong a a siameng le gore di na le matshwao a a bonagalang sentle?
A dilwana tse batho ba ka wang go tswa mo go tsona, di tlametswe ka disireletsi kgotsa ka tshireletso e nngwe e e maleba ya dilwana?
A mesima e sireleditswe ka dilwana tse di tshwailweng sentle gape di tsepame go thibela go wa?
A lefelo le phepa le gore didirisiwa di bolokilwe sentle?
A mabone a lekane?
A mantlwanaboithusetso a teng le gore a phepa le go tshuma sentle?
A go na le dibeisene tsa go tlhapa, metsi a a elelang, sesepa le ditoulu tse di latlhiwang morago ga go dirisiwa?
A go na le sepeisi sa go fetola, sa go omisa le go boloka diaparo?
A metsi a a nwewang a teng?
A dikhafole di dirilwe, di fetotswe le go tlhatlhamololwa ke batho ba ba maleba?
A go na le dithibedi kgotsa dikitsiso tse di tsibosang go thibela batho go dirisa dikhafole tse di sa felelang, sekao: mo dirala tsa go dira di sa siamang ka botlalo?
A dikhafole di tlhokomelwa sentle?
A motho yo o nang le bokgoni o tlhatlhoba sekhafole gangwe le gape, sekao: gangwe ka beke, gape ka gale morago ga go fetolwa, go senyega le go latela maemo a bosa a pula le a phefo e e maatla?
A dipholo tsa ditlhatlhobo di a rekhodiwa?
A go na le dithulaganyo tsa tshoganyetso, sekao: go tswa mo lefelong ka motsi wa molelo?
A batho ba ba mo lefelong ba itse dithulaganyo?
A go na le mokgwa wa go dirisa tleloko, e lekelelwa ga kae?
A go na le tsela ya go ikgolaganya le ditirelo tsa tshoganyetso go tswa mo lefelong?
A go na le ditsela tsa go tswa tse di lekaneng e bile tsona di nna di bonagala?
A go na le thuso ya pele e e lekaneng e e rebolwang?
Bothata: Sekhafole se, se ne se sa kgomagana le lobota ka jaalo, jaaka serala se se sa siamang, se ne sa tsenya matshelo a badiri mo kotsing.
A o lemogile dilwana tsotlhe tse di kotsi le didirisiwa, jaaka asebesetose, lloto, ditlhaolosi, dipente, samemte le lorole?
A badiri ba nnile le tshedimosetso le katiso gore ba tle ba itse dikgonagalo tsa mathata go tswa mo dilwaneng tse dikotsi tse di dirisiwang le go tlhagisiwa mo lefelong, le gore ba tlhoka go dira eng kgotsa go apara eng go tila kgotsa go fokotsa dikgonagalo tseo tsa mathata?
dira tiro ka tsela e e farologaneng, go tlosa kgonagalo ya bothata gotlhelele e bile se, se akaretsa boitiriso?
dirisa sedirisiwa se se seng kotsi thata?
dirisa dithulusu tse di tsentsweng setlosa lorole?
A badiri ba nnile le tshedimosetso le katiso gore ba tle ba itse dikgonagalo tsa mathata go tswa mo modumong wa mo lefelong, le gore ba tlhoka go dira eng go tila dikgolagalo tseo tsa mathata?
A o lemogile le go sekaseka tlhagelelo ya badiri mo modumong?
A modumo o ka fokodiwa ka go dirisa mekgwa e e farologaneng ya go dira kgotsa ka go tlhopha polante e e se nang modumo, sekao: ka go tsenya dithusi le polante e nngwe kgotsa motšhini o o nang le dithibela modumo?
A sesireletsa kutlo se se maleba se tlametswe le go apariwa kwa dikarolong tse di nang le modumo?
A sesireletsa kutlo se se maleba se tlametswe le go apariwa kwa dikarolong tse di nang le modumo?
A ditirelo tsotlhe tse di botlhokwa di tlametswe mo lefelong pele tiro e simolola gape le wena o lemogile ditirelo tse di leng teng mo lefelong (sekao: megala ya motlakase kgotsa dilwana tsa gase) le go tsaya dikgato tse di nonofileng, fa go tlhokega, go thibela kotsi mo go tsona?
A dithulusu le ditlamelo di kelekiwa ke badirisi, di tlhatlhobiwa ka nnete mo lefelong le go tlhotlhomisiwa le go lekelediwa gangwe le gangwe ke motho yo o nang le bokgoni?
Kwa go nang le megala ya kwa godimo, motlakase o timilwe, kgotsa ditlhokomelo tse dingwe di tserwe, jaaka go tlamela ka dipala kgotsa ditshwai?
Mabokoso a a laolang motlakase ka gale a tshwanetse go sirelediwa le go lotlelwa sentle.
A tiro e diretswe legora malebana le batho?
A ditiro tsa tsela di sireleditswe le go tshumiwa?
A batho ba sireleditswe malebana le dilwana tse di wang?
a mesima le diphatlha di sireleditswe sentle kgotsa di diretswe legora?
a polante yotlhe e siamisitswe go thibela tiriso e e seng mo molaong?
a dituki kgotsa dilwana tse dikotsi di lotleletswe kwa mafelong a a sireletsegileng a bobolokelo?
<fn>DOL. OhsAgriAndForestry.2010-12-07.tn.txt</fn>
Dikotsi, dikgobalo le bolwetse di ka senya matshelo le dikgwebo. Ditharabololo ka gale di bonolo gape di tlhotlhwa-tlase e bile batho ba ba maleba go dira gore dipolasa di bolokesege ke balemirui le badiri ba bona ba kwa dipolaseng. Boitekanelo le polokesego ke tlhokego e e botlhokwa ya kgwebo ya temothuo e e tswelelang. Matsapa a puso ka nosi ga a kitla a dira lephata la temothuo gore le bolokesege le go itekanela, mme go mo go mongwe le mongwe yo o leng mo temothuong le mo go tsa dijo go amega.
Ngwaga mongwe le mongwe batho ba a tlhokafala ka ntlha ya ditiro tsa temothuo le tsa sekgwa.
Batho ba le ba ntsi ba gobala thata le go lwala thata kwa lefelong la bona la tiro.
_ Ditshenyegelo tsa tsamaiso - go batlisisa tiragalo, ditshiamiso, jj.
_ Ditshenyegelo tsa inšorense, ditshenyegelo tsa semolao le phatlalatso e e sa siamang.
Ditshenyegelo tsotlhe tse di ka tilwa, mme ga okediwa poelo. Ka jalo pampitshana e, e ikaelela go neelana ka tshedimosetso e e yang go thusa bathapi le badiri ba temothuo le sekgwa go lebelela boitekanelo le polokesego le dikgonaglo tsa dikotsi tsa boitekanelo tse di amanang le tiro ya mo lephateng la bona. Pampitshana e, ga e akaretse ditlhokego tsa peomolao mo indasetering. Tshedimosetso eo e ka fitlhelwa mo websaeteng e ya Lefapha la Badiri: www.labour.gov.za.
Go laola boitekanelo le polokesego ya badiri go tshwana le go laola dithulaganyo go netefatsa gore dijalo le diphologolo di tsholwa di itekanetse, di dira sentle le go go kgontsha go nna mo kgwebong. Badiri ba tlhoka go itekanela le go babalesega go dira sentle le go nna ka gale ba le mo tirong.
Mekgatlho yotlhe e tlhoka pholisi go tlhagisa thulaganyo ya yona ya tiro e e malebana le boitekanelo le polokesego, ka maikaelelo a go lebisa kwa maemong a a botoka a kwa lefelong la tiro. E tshwanetse go kwalwa, go rulaganngwa sentle le go ikaega ka boineelo kwa kgatong e kgolwane ya botsamaisi.
_ Go tlhagisa maikaelelo a gago a kakaretso malebana le polokesego le boitekanelo jwa badiri ba gago.
_ Go sekasekiwa gangwe le gape le go sekasekiwasešwa fa mokgatlho wa gago o fetoga kgotsa mathata mantšhwa a nna teng.
Go lemoga mathata le go sekaseka kgonagalo ya dikotsi a di a tlhagisang go botlhokwa. Fa fela o itse gore ke mathata afe a a leng teng mo lefelong la gago, le maemo a kgonagalo ya kotsi a e a tlhagisang, o ka se kgone go itse gore di batla go laolwa kgotsa ka mo o tshwanetseng go dira ka teng.
Tshekatsheko ya kgonagalo ya dikotsi ke go lebelela ka kelotlhoko gore ke eng mo kgwebong ya gago se se ka tlholang bothata mo bathong, gore o tle o kgone go lekanyetsa gore o nnile kelotlhoko mo go lekaneng kgotsa o tshwanetse go dira go feta. Fa fela o sweditse ka ga kgato ya kgonagalo ya kotsi, o ya go tlhoka go tsenya dikgato tse di tlhokagalang tsa thibelo le tsa tshireletso.
Lebelela go dikologa lefelo la tiro o lebelele gore batho ba dira jang. Gape keleka direkhoto tsa ditiragalo tse di fetileng, dikotsi kgotsa mathata a boitekanelo. Maikaelelo a se, ke go lemoga mathata a a botlhokwa a a tlholang kotsi e e masisi kgotsa a a ka amang batho ba le bantsi.
Lemoga batho ba ba ka gobalang, le gore ba bakae.
"jang", o se ke wa lebala dilo di tshwana le tiro ya tlhokomelo, fa mathata a mantšhwa a ka tlhagelela.
Sekaseka gore dikgonagalo tsa dikotsi tsa mo bothateng bongwe le bongwe jo bo botlhokwa di laolwa sentle jang.
Ditaolo di ka lekana sentle kgotsa di ka nna le sekoupu sa go tokafatsa dilo. Badiri ka gale ba na le dikakanyo tse di nang le mosola, go lebilwe tiro ya bona ya letsatsi le letsatsi e bile o tshwanetse go ba akaretsa fa o dira ditshwetso ka ga ditaolo tsa gago.
Morago ga go swetsa ka gore ke eng se se tshwanetseng go diriwa, o tshwanetse go rulaganya gore o ya go se dira jang le gore leng. Go rekhota diphitlhelelo tsa gago go ya go go thusa go dira se.
O ya go tlhoka go lebelegape tshekatsheko ya gago fa go nnile le phetogo e e botlhokwa ka mo o dirang ka teng kgotsa fa o na le lebaka la go akanya gore ga e sa tlhole e le maleba.
_ Go tlhagelelang mo maemong a bosa, mo modumong le mo thoromong.
Go tshwara merwalo e e bokete kgotsa go dira mo maemong a a sa siamang go ka tlhola mathata a mesifa le a marapo. Tse ke botlhoko le ditlhabi mo ditokololong, mo dijoeneng kgotsa mo mokwatleng go go ka tswang go tlholwa ke dithinyego kgotsa matsapa.
Ke eng se o tshwanetseng go se dira?
_ Go tsamaya ka dimela kgotsa dipolankisi dikgala tse ditelele go tshwanetse go tilwa mo go kgonagalang go sireletsa boitekanelo jwa badiri.
Dikotsi di le dintsi tse di masisi tsa mo dipolaseng di ama metšhini. Dingwe di diragala ka gonne motšhini o diriseditswe tiro e e sa e lebanang; tse dingwe ka gonne disireltsi ga di a ka tsa tlamelwa kgotsa di tlogetswe. Go tshwanetse ga nna le thulaganyo ya go lebelela gore ditlamelo, go akaretsa metšhini, e bolokesegile go ka dirisiwa. Fa setlamelo se dirisiwa mo maemong a a seng maleba, se tshwanetse go tlhatlhobiwa gangwe le gape malebana le go onala go go ka tlholang kotsi, le fa maemo a a sa tlwaelegang a diragetse a a ka dirang gore setlamelo se se ke sa bolokesega.
O tshwanetse go dira eng?
_ Dithulusu tse di dirisediwang go jala dimela di tshwanetse go direlwa tiro eo.
_ Tlhogo ya thulusu ya go sega le go kgaola e tshwanetse go diriwa ka tshireletsego mo setshwarong ka sedirisiwa se se maatla, sekao, kgapetla, pipini kgotsa boutu.
Fa o reka metšhini kgotsa o e hira molao wa re motlamedi o tshwanetse go neelana ka disireletsi tse di tlhokegang.
_ Badiri ba katisitswe go dira ka polokesego e bile ba tlametswe ka diaparo tsa tshireletso tse di tlhokegang le go di dirisa.
Dikotsi di le dintsi ka metšhini di diragala ka motsi wa ditiro tsa tshiamiso kgotsa tsa tolamiso.
_ Metšhini e e tsholetsang metsi a a tsamayang ka mo dipeiping kgotsa dikarolo e thibelwa go theoga ka go dirisa dirisiwa tsa metšhini jaaka diemisi kgotsa dijeke fa batho ba dira ka fa tlase ga tsona.
_ Ba apara diaparo tse di maleba tsa tshireletso le ditlamelo.
_ Wa tshwenya batho ba ba dirisang metšhini.
Sebakwa se sengwe sa kgobalo mo temothuong ke diterekere tse di menogang. Dikgobalo tse di masisi le tse di tseneletseng di tlwaelegile, e bile ditiragalo di ama bakgweetsi, badiri ba bangwe le batsamaya -ka-dinao. Ditiragalo tse dingwe di diragala fa batho ba tlogela serori ntle le go netefatsa gore ga se ne se tsamaya kgotsa se baka kgobalo.
_ Dinotlolo di tsholwa sentle fa dirori di sa dirisiwe.
Rulaganya le go baakanya tsholetso, ka go dirisa setlamelo tse se maleba le batho ba ba nang le bokgoni go fokotsa kgonagalo ya go nna teng ga dikotsi.
_ Meralo ya tiro e e bolokesegileng e a tshwaiwa mo setlamelong sa go tsholetsa.
_ Fa o kgweetsa, dirwadi tsa fa pele di tsholeditswe fa di se na sepe le gore di isiwa kwa tlase fa di tletse, ntle le fa se se ka tlhola kgonagalo ya kotsi, sk: mo ditseleng tsa botlhe.
Tlhagelelo mo modumong o o tseneletseng go ka baka go se utlwe ga leruri, ka gale ntle le gore mosotlegi a itse ka ga se go fitlhela go nna thari thata e bile go baka modumo mo tsebeng kgotsa bosusu.
_ Mo ditlhagelelo di fitlhelelang 90 dB kgotsa kwa go dingwana, tshwaya dikarolo tse "jaaka mafelo a tshireletso" ka matshwao go kaya fa tshireletso ya ditsebe e tshwanetse go apariwa e bile netefatsa gore mongwe le mongwe yo o tsenang mo mafelong a, o apara tshireletso ya ditsebe.
Tiriso e e boelediwang kgotsa e e tswelelang ya dithulusu tse di roromang jaaka disaga tsa diketane, disegi tsa boraše kgotsa dikeraendara go ka baka senteromo ya thoromo ya letsogo - setlhopha sa malwetse go akaretsa monwana o mosweu wa thoromo, tshika, mosifa kgotsa kgotlhelo ya ditokololo. Matswao tsiboso a akaretsa bogatsu kgotsa bokidi mo menwaneng, go fetoga ga menwana go nna e mesweu mo marurung kgotsa mo maemong a a bokgola, go go latelwang ke go opaopa le go tsholola.
Go kgweetsa diterekere kgotsa metšhini e mengwe e e itsmaisang go ka dira gore mmele o rorome kgosa go tsiboga go go amanngwang le botlhoko jwa mokwatla jo bo tswelelang kgotsa setlhabi mo nokeng le mo lengoleng. Matshwao a tsiboso a akaretsa setlhabi le go gagamala mo mokwatleng, mo nokeng kgotsa mo lengoleng morago ga go dira ka terekere.
O ka dira eng?
_ Thuthufatsa matsogo pele ga tiro o be o a tshole a le bothitho.
Go tlhagelela mo maemong a bosa, segolobogolo mo letsatsing kgotsa mo marurung a a tseneletseng go ka nna kotsi.
_ Tlhokomela dirunyi, dikakana kgotsa ditlosa mmala mo letlalong. Bona ngaka ya gago fa dironyi, jj.
_ Diaparo tsa go dira di tshwanetse go diriwa ka didirisiwa tse di tsholang mmele wa badiri o omile gape mo temphereitšeng e e siameng.
_ Diaparo tse di lekaneng tsa tshireletso di tshwanetse go tlamelwa fa go nang le kgonagalo ya go nna teng ga kotsi ya phatsimo ya UV kgotsa mathata a bayoloji, jaaka dimela tse di nang le botlhole, diphologolo tse di nang le botlhole le ditshwaetsego.
Go amana le diphologolo go ka tlhola zoonoses (malwetse a a tswang mo phologolong a fetela motho). Ditshedi tse dinnye jaaka dibaketeria, megare, diparasiti le fungi di ka baka malwetse ka go tshwaetsa mmele fa di hemiwa, di mediwa, kgotsa fa di tsenelela mo letlalong. Matshwao ke a mathata a letlalo le malwetse a a tshwanang le "flu"a a ka bakang bolwetse jo bo tswelelang go fitlhela bo alafiwa.
_ Fokotsa kgonagalo ya kotsi ka go tshola leruo le itekanetse.
_ Netefatsa gore go nna le bophepa jo bo siameng jwa sebele.
_ Tswala mesego yotlhe le mengapo ka ditswalo tse di thibelang metsi.
Tlhagelelo mo dikhemikhaleng tse dikotsi kgotsa mo dilwaneng tse dingwe, sk: go dibolaya-ditshenekegi, melemo ya diphologolo (go akaretsa didipi tsa dinku), lorole, mosi kgotsa dilwana jaaka seleri, mantle a makima a seretse sa kerisi kgotsa menontsha; go hema mosi wa polasetiki e e tukang, kgotsa lorole lo lo nnang teng fa o sutisa tlhaka, menontsha, letlhaka, leswabi la bojang; go ama seleri, motshutelo jj; kgotsa go gasiwa ka sebolaya-ditshenekegi kgotsa ka dipi ya dinku, tsotlhe di ka kowafatsa.
_ Go hupelwa.
Matshwao a, a ka nna a nakwana ka nako ya tiro, kgotsa a ka fetelela le go nna sebaka se seleele go fitlhela a batla go nna teng ka gale. A ka bakwa ke tlhagelelo e nnye thata mo selwaneng se se go ganang, kgotsa se se ka go utlwisang botlhoko. Fa o tsuba, le wena o tlhagelela mo dilwaneng tse e bile go na le kgonagalo ya gore o ka nna le mathata a a masisi a sehuba.
Go botlhokwa go itshireletsa le go sireletsa badiri ba gago.
_ Go vacuuma dilo tse di fa fatshe go na le go di feela- dirisa filitara ya bokgoni jo bo kwa godimo.
_ Go apara setlamelo se se maatla sa tshireletso sa khemo. Netefatsa gore o dirisa maseke o o maleba kgotsa sesireletsa-sefatlhego malebana le lorole, diphufudi kgotsa di-aerosolo.
Dimaseke le disireletsa-sefatlhego ka gale di tshwanetse go bewa mo lefelong le le phepa le le omileng - o se ke wa di pega mo dihukung kgotsa mo dipekereng mo mafelong a a leswe, a a nang le lorole.
_ Tlosa ditshedi mo letlalong le mo diaparong ka bonako, o be o tlhape pele o ja, o nwa kgotsa o tsuba.
_ Bega melato yotlhe e e belaelwang ya kgotlelego gore e tle e batlisisiwe ka tsenelelo.
_ Dimela tse di tlhatlhobilweng di tshwanetse go tshhwarwa ka kelotlhoko go fokotsa kgotlelego ya sebele.
_ Dikgetse tsa go jala kgotsa ditlamelo kgotsa didirisiwa tse dingwe tsa go rwala dimela tse di tlhatlhobilweng di tshwanetse go phepafadiwa ka go tshololwa le go tlhatswiwa letsatsi lengwe le lengwe.
Dikotsi di le dintsi mo temothuong le kwa sekgweng di tlhagelela ka ntlha ya go thelela, go kgopiwa le go wa. Lebelela gore mafelo a tiro ga a na dikgoreletsi, jaaka megala e e gogobang, dikgetse kgotsa diphalete le gore go na le sepeisi se se lekaneng sa go boloka dithulusu le dilwana. Tshola dikago tsa gago di siame, ka go netefatsa gore madilo ga a tlhakatlhakane, segolobogolo ka mo dikarolong tsa difuru kgotsa ka mo dikagong tsa bogologolo.
Fokotsa kgonagalo ya go wa, ya go kgopiwa le ya go thelela.
_ Matshwao a polokesego mo kgonagalong e e botlhokwa ya kotsi ya boitekanelo le polokesego e leng teng morgago ga go tsaya dikgato dingwe tsa taolo tse di supilweng ke tshekatsheko ya gago ya kgonagalo ya dikotsi.
_ Ka go tlwaelegile gore badiri ba dikgwa le ba temothuo ba dira ka ditlhotshwana kwa mafelong a a farologaneng, modiri mongwe le mongwe o tshwanetse go katisediwa thuso ya pele ya motheo. Katiso e, e tshwanetse go akaretsa kalafo ya dintho tse di bulegileng le thathamologelo.
_ Dipalangwa kgotsa mofuta wa tlhaeletsano o tshwanetse go nna teng kwa lefelong la tiro go ikgolaganya le ditirelo tsa phaloso ka motsi wa tshoganyetso.
Go na le kgonagalo ya kotsi ya bolwetse jwa dilwana tse di kotsi go tswa mo lesweng kgotsa mo ditlhagisiweng dingwe tsa diphologolo tse di nang le ditshedi tse dinnye tse di ka nnang teng tse di kotsi.
_ Thebolo ya metsi a a phepa a a nwewang (e e tshwailweng go e farologanya le thebolo ya metsi a a sa nweweng).
Malwetse a a riling a a bakiwang ke tiro a tshwanetse go begiwa kwa Lefapheng la Badiri.
_ Metšhini - senteromo ya thoromo ya letsogo go tswa mo tirong ya disaga tsa diketane, disegi tsa boraše kgotsa disaga tse di tshekeletsa tsa letsogo.
<fn>DOL. OhsFoodbeverage.2010-12-07.tn.txt</fn>
Go gobadiwa ke go kukana le dithoto, go dira mmereko wa go ipoapoeletsa le go sokasokega mmele.
Go bereka mo go sailang ditshenekegi le megare e e borai tse di tsalwang ke go hema le go gopa lerole, le maemo a a kwa godimo a bongola.
Go angwa ke mogote le serame. Mo indastering eno themperetšhara e ka fetofetolwa, jaaka go ka dirisiwa mogote, tsidifatso le kgatsetso.
Go berekela mo lefelong le le pitlaganeng.
Kgaoganya matsamaelo a dikoloi le mafelo a go berekela.
Ditiro tse di tshwanang le go tsenya dijo mo metemeng kgotsa dino mo dibotlolong, le tiriso ya ditsamaisi, di bakela badiri leratla le le feteletseng. Go tshwanetse ga dirisiwa maranyane a boenjenere go fokotsa selekanyo sa leratla, mme tiriso ya ditlamelwana le magato a maitshireletso e tshwanetse go gatelelwa thata.
A badiri ba tlamelwe ka diaparo tse di maleba tsa maitshireletso.
Ke maikarabelo a mothapi go tlhomamisa gore bodirelo bo na le mafelo a a tswalegileng.
Netefatsa gore dilwana tse di beilweng mo boalong jwa fatshe (jaaka mo dikobotlwaneng/dišelofo tsa bobeelo) di itsetletse sentle mme ga di ne di wa botlhofo fa di ka kgongwa.
Indasteri ya dijo le dino e na le makala a a fetang 30 a a farologaneng. Ona a akaretsa matlhabelo, ditshilo tsa sukiri le dithoro, amdirelo a momela le matlhotlhelo a wiski. Seelo sa dikotsi mo indastering eno fa di kopane, ke sengwe sa tse kwa godimodimo go gaisa mo madirelong otlhe. Le gale dielo tsa dikotsi di a farologana go ya ka makala a a farologaneng a indasteri e.
Motselekwane wa tlhagiso ya dijo e magato-mararo: temothuo, bodirelo, le papatso/thekiso/tlamelo. Madirelo a dijo a mo difaboriking tse di farologanang ka bogolo, go tswa go tse di thapang badiri ba le mmalwa, go ya go tse di thapang makgolokgolo. Totatota madirelo a bogolo jwa bogareng le a magolwane, ke makala a diindasteri tsa bosetšhaba kgotsa tsa boditšhabatšhaba, a a maphata-mantsi, a a thapileng diketekete tsa badiri. Maikarabelomagolo a Lefapha la Badiri a letse mo magatong a mabedi a ntlha a motselekwane o, e bong temothuo le bodirelo. Magato a thekiso le tlamelo ke boikarabelo jwa mafapha a boitekanelo jwa ditikologo a dipuso-selegae, mme le gale Lefapha la Badiri le dirisana le mafapha ano go tlhomamisa gore merero ya boitekanelo le pabalesego e tsewa ka molebo o o tsamaelanang/tshwanang.
Merero ya boitekanelo mo bodirelong e boimanyana go e laola go gaisa ya pabalesego. Mabaka le ditlamorago tsa pabalesego e e bokoa mo madirelong ke dilo tse di itlhagisang ka pele, mme di bonolo go di phekola. Makoa a boitekanelo a a amanang le bodirelo a popotanyana go lemosega. Ditshupo tsa bolwetse di ka tsaya lebaka go itlhagisa, mme go nne boima go bona kgolagano fa gare sebako sa bolwetse le ditlamorago tsa sona, mme le gale fela fa mathata a sena go lemosega le go amogelesega, ditharabololo di a kwalwa.
Mathata a mangwe a boitekanelo jaaka dikgobalo tsa mokwatla, o ka fitlhela a sa amane ka gope le tiro/bodirelo. Badiri le bona ba na le go tshaba go dumela gore ba na le mathata a pholo, ka go tshaba go ntshiwa mo tirong kgotsa go nna dikgobo/go rwala sekgwekgwe ka ntlha ya mofuta wa bolwetse jo bo ba tshwereng. Ke ka ntlha ya moo go leng botlhokwa go lemoga le go fokotsa dilo tse di gakatsang mathata ano.
Le fa go na le tshedimosetso e ntsi mabapi le ditharabololo tsa mathata a boitekanelo a mo madirelong, go na le gore kitso ya selegae ya ditharabololo tse di gaisang, e nne e potlana. Dingwe tsa dikgwebo tse dikgolo mo indastering eno di thapa bomankge ba boitekanelo jwa mo madirelong, bogolobogolo ba ba nang le lemorago la tsa kalafi. Fa e le bontsi jwa dikgwebo, bogolobogolo dikgwebopotlana, di nna le mathata fa di batlana le bogakolodi jo bo ikanyegang jwa tsa kalafi. Gantsi fa modiri wa teng a lwala, o romelwa kwa go Ngaka ya Kakaretso; mme kana bontsi jwa Dingaka tsa Kakaretso ga bo na dithupelelo tse di maleba mabapi le merero ya tsa boitekanelo mo madirelong.
Bontsi jwa dikgwebo ga bo tlhoke go tlhoma mafapha a a kgethegileng kgotsa go thapa bagakolodi ba tsa kalafi gore di kgonane le taolo ya boitekanelo mo madirelong ya tsatsi-ka-tsatsi. Bontsi jwa mathata a boitekanelo mo madirelong bo bakwa ke dilo di le mmalwanyana fela tse ditshesane, tse di ka khinegang fela botsamaisi jo bo nonofileng, gammogo le tirisano ya botlhe mo tiragatsong ya magato a a amaleba a go khina mathata ao mo bodirelong. Le gale mo mabakeng mangwe tiriso ya dingaka tsa madirelo le bomankge ba bangwe e ka fokotsa ditshenyegelo.
Karolwana eno e tlhalosa dilo tse gantsi di bakang makoa a pholo mo diindastering tsa dijo le dino, mme e go naya le maele a go a laola.
Bobedi di-MSD le dikgobalo tsa mookwatla ke tsona di atileng go gaisa. Le gale dikwetsa tse dingwe le tsona di batla go tlhokomelwa.
Re ka itse ka eng gore re na le mathata?
Fa o simolola go nna le mathata a mofuta o, a tlile go go jela madi ka ntlha ya fa badiri ba tlaa lofisiwa ke bolwetse, go latlhegelwa ke badiri, go pateletsega go katisa badiri ba bašwa gangwe-le-gape, go koafala ga tlhagiso ya dikuno, jalojalo. O tlile go tlhatlhelelwa dikgetsi tse dintsi tsa Phimolakeledi/Tshuiso, o bo o nna gape le mathata mabapi le dituelelo tsa diinšorense.
Metswedi ya dinewane/data e supa gore maemo a asma a a oketsega mo madirelong a dijo le dino. Bogolo jwa asma bo bakwa ke go gabola mmoko wa dithoro le lerole la maupi (jaaka flouru), mme mabesetso a dinkgwe a mo maemong a bobedi ka ditlhagelelo tse di gaisang tsa asma mo indastering eno.
Asma ya bodirelo e tsena badiri ba ba gabolang lerole le le nang le dirumodi tse di tshwenyanang le khemo, jaaka mmoko/lerole la dithoro, flouru, metswako ya dienzaeme, proteine ya mae, proteine ya tlhapi, dikhanakhana le dikgong. Ka jalo badiri ba mo ditshilong, madirelo a momela, mabesetso a dinkgwe, titielo ya tlhapi, jalojalo, ba tshelela mo kotsing ya go tsenwa ke bolwetse jo. Asma ke bolwetse jo bo sotlang, jo bo sa foleng.
Metswedi ya dinewane e supa gore bolwetse jono bo atile thata.
Dermataesise e tsena badiri ba ba diranang le dinama, tlhapi, dinama tsa dikoko, maungo le merogo, e ame gape le babesi ba dinkgwe, badiri ba dimonamone, baapei, baphepafatsi la badiri ba bangwe botlhe ka kakaretso.
Rinaetise (dinko tse di mamina/bokgakgala) e baka go baba ga lotha lwa nko ka ntlha ya lerole.
Dithoro, flouru, dikhanakhana, dinatetshi, le lerole la dikgong, di ka baka rinaetise, sekgeme/konjantivaetise (matlho a a metsi, a a babang), gammogo le dipabelo tse dingwe tse di letshwenyo.
Go berekela mo leratleng le le boitshegang go ka baka kgolafalo ya kutlo, e gantsi go nnang thata go e lemoga ka e tota ka iketlo. Leratla e ka nna le le kwa godimodimo, e ka nna mo dikarolong tse dikgolo (mahalahala a go tlatsa dibotlolo), kgotsa ditlhongwa le metšhini e e leratla (jaaka fa hopara e berekana le dithoro). Fa bosekaseki jwa dikwetsa jwa bodirelo bo ka supa leratla e le bothata-bogolo, bothata joo bo tshwanetse go potlakela teng fa motsweding wa jona.
Ke maikarabelo a mothapi a semolao le a setho a go leka ka bojotlhe jo bo kgonegang go thibela malwetse a mo tirong.
Gore badiri ba sireletsege kgatlhanong le malwetse a mo tirong, dibako tsa malwetse a mo tirong di tshwanetse go itsiwe. Go le gantsi dibako di ka isthupa bonolo. Fela fa dikwetsa-dikgolo di sena go lemotshega (di-MSD, lerole, leratla), di tshwanetse go tlhatlhobiwa bongwe ka bongwe fela jaaka mo lebakeng la mathata a pabalesego. Go botlhokwa gore tlhotlhomisa gore ke badiri bafe ba ba amiwang ke dikwetsa tse, fela jaaka go le botlhokwa go itse gore ba amegile go le kanakang, le gore ditlamorago e tlaa nna dife. Kitso ya dilo tseno e ka thusa thata gape fa go thaothiwa badiri, kgotsa ka motlha wa tlhaposo (rehabilitation), seno e le go netefatsa gore tikologo ya bodirelo ga e kgotlele sepe sa boitekanelo jo modiri a tlang ka jona.
Bolaodi jwa botlatirong ke ntlha e e tlhookometsweng thata mo bothaping jwa madirelo a magolo. Tshedimosetso e e ka bonwang fa botlatirong bo disitswe ka manontlhotlho e ka thusa go lepa mathata a a ka nnang teng a boitekanelo mo tirong. Fa go nna le go thinya/lofa go gontsi mo karolong nngwe kgotsa lephata lengwe la bodirelo, seo se ka supa fa go na le mathata. Go ata ga dikgobalo tsa mokwatla kgotsa ditshupo tsa WRULD ke dilo tse di ka golaganngwang le mefuta e e rileng ya tiro.
Fela jaaka go dirwa mo mabakeng mangwe le mangwe a boitekanelo le pabalesego, magato a go khina a tshwanetse go diragatswa go ya ka tlhatlologano ya botlhokwa jwa ona. Fa go kgonega, legato la ntlhantlha ke go tlosa dirai. Legato la setlamorago e nne la go naya badiri ditlamelwana tsa maitshireletso (personal protective equipment/PPE). Tsela e e tlhokegang le e e mosola mo go laoleng merero ya boitekanelo le pabalesego ya bodirelo ke tlhaeletsano e e siameng fa gare ga badiri le bathapi. Ga se gantsi go le botlhokwa go thapa moitseanape yo o kgethegileng; le gale mo mabakeng mangwe a a maleba go dirisa bomankge le dingaka tsa makoa a tiro go ka fokotsa ditshenyegelo tsa kalafi.
Le fa go ka tsewa matsapa otlhe go thibela malwetse a a tsenang badiri kwa madirelong, gone go tlaa nna le mongwe yo o tla tsenwang ke bolwetse. Sebako sa ntlha sa bolwetse se ka ne se sa amane ka gope le bodirelo, mme gone ditlamorago tsa bolwetse joo mo bodirelong di tshwanelwa ke go khinwa. Go a kgonega gore motho a nne le dikgobalo tsa mokwatla kgotsa dingalo/dikatlego tse di sa tsalegang mo tirong, mme fela fa a dira tiro nngwe e e tsamaisanang le go rwala dilo tse di bokete, kgotsa a newa tiro e e bokete, seno se ka nna sa mo gakaletsa makoa gore a bo a fetoge sengwe fela se se boitshegang. Fa tlhagelelo ya mofuta oo e ka se ka ya tseelwa matsapa, e ka fetoga bolwetse jwa leruri jo bo ka dirang gore o latlhegelwe ke modiri wa botlhokwa.
A o tlhatlhobile ditlhokego tsa boitekanelo mo bodirelong jwaeno wa bo wa samagana natso?
Tshekatsheko ya dikwetsa e ka go thusa go supolola maemo mangwe a a ka nnang kotsi mo boitekanelong, ya bo ya go thusa go swetsa ka ga magato a a ka tsewang go samagana le ditlhokego tsa boitekanelo mo bodirelong jwaeno. Go tlhokega bokwaisi jwa boitekanelo bogolothata ntlheng ya dirai tse go se nang dielo tsa sedirelo tsa go di kabakanyetsa, e le go tlhotlhomisa gore a magato a go di khina a lekane. Dikao tsa maemo a a ka tlhokang bokwaisi jwa boitekanelo di akaretsa go supolola moo go nang le kotsi ya go tlhagelela ga asma mo bodirelong (sekao: go berekela mo dirumoding tse di etsang lerole la dithoro, la flouru, la bobesetso jwa dinkgwe, proteine ya tlhapi kgotsa mae, le dikhanakhana), di-MSD (go akaretsa le di-WRULD), go brekela mo go tletseng megare (jaaka mo matlhabelong), kwetsa ya dermataetise, gammogo le go direla mo maemo a serame le mogote. O gakologelwe gore dijo di ka nna le dirumodi le fa e ka nna tsa selo se sennye go le kanakang. Boitekanelo mo bodirelong bo batla molebo wa seprofešenale. Seno se ka amanngwa sentle le ditlhokego tsa pabalesego/haejine mo dijong.
A botsamaisi jwaeno bo na le kompa ya magato a go thibela, go tlhotlhomisa le go khina dikgobalo tsa mesifa le marapo, jaaka go phetsega go go bakiwang ke go kuka dilo tse di bokete, kgotsa di-WRULD tse di bakwang ke tiro ya go ipoepoeletsa Magato a thibelo a fokotsa ditshenyegelo. Ga go kgonege go thibela ditlhagelelo tsotlhe tsa d-MSD, ka jalo go botlhokwa go bega go sa le gale ka ga ditshupo tsa tsona, gammogo le mekgwa e e maleba ya go di phekola le ya tlhaposo?
Dirisa mankge wa madirelo mo go radiweng ga dithulusu, metšine, maberekelo, le mekgwa ya tiro.
Sekaseka kgonagalo ya thefosanyo ya ditiro, lobelo lwa tiro, maikhutso le kemonokeng. Tlhokomedisisa bogolothata fa kamego e oketsega ka nako e e okeditsweng kgotsa ya fa tiro e gotetse.
[Tlhokomela thata gore o dirisa mokgwa o o babalesegileng wa go paka dithoto, go di tshwara le go di sutasutisa, gore di seka tsa wa].
Netefatsa gore e bothitho, e bulegile, e na le madulo, mme e tsena lesedi la letsatsi.
Fa go kgonegang teng, fokotsa matshosetsi a dikgobalo ka go samagana le dibako tse tharo tse.
Netefatsa gore ditiro tse di ka bakang dikgobalo ga di tlhophelwe dikoa tse di itsegeng, le gore ba ba tlang ka dikgaobalo ga ba newe ditiro tse di ka ba gakaletsang dikgobalo tseo.
Badiri ba tshwanetse go newa dikatiso le ditshedimosetso mabapi le sebobego sa dikotsi tse di ka a welang, le gore di ka bakwa ke eng, ba rutiwe mekgwa e e babalesegileng ya go kuka dilo (bogolothata kemiso ya mmele le go rwala dithoto), gammogo le botlhokwa jwa go bega dikotsi.
Go setse go kailwe mefuta ya maikarabelo mangwe fa godimo, mme le gale o sa ntse o ka ipha maikarabelo a go rulaganyetsa badiri tlhaposo le go kwaya ba ba lwalang.
Akanya ka go tlhatlhoba boitekanelo jwa badiri sešwa, sekao: morago ga gore modiri a thinye dibeke di le nne; o leke gape go mo isa kwa tshidilammele (physiotherapy), jalojalo, fa go tlhokega.
Rerisana ka botlalo le baemedi ba pabalesego ba diyunione tsa badiri, kgotsa le baemedi ba bangwe fela ba badiri, go netefatsa gore lo nna le ditharabololo tse di mosola tsa mathata a bodirelo.
<fn>DOL. OhsGuide.2010-12-07.tn.txt</fn>
● Itsise Lefapha la Badiri jaaka Molao wa Polokesego le Boitekanelo mo Tirong o kopa jalo?
● Nna le nako e e lekaneng ya go baakanya, ya go rulaganya le ya go laola tiro ya gago?
● Keleka se se diragalang le go tsaya kgato mabapi le ditiro tse dikotsi?
● Na le motho yo o ka lebang kwa go ena fa o batla kgakololo ka ga boitekanelo le polokesego?
● Neela badiri kgololosego ya go bega ditiro tse di sa bolokesegang kgotsa maemo le go samagana le dipegelo tse?
● Bega fa leloko la setšhaba le bolailwe kgotsa le rometswe kwa bookelong ka ntlha ya kotsi mo lefelong la gago kgotsa e e amanang le ditiro tsa kwa lefelong la gago la tiro.
● Ba katisitswe le go nna le bokgoni jwa go dira tiro ka polokesego ntle le go tsenya boitekanelo jwa bona mo kotsing?
● Ba tlhokomelwa sentle le go neelwa ditaelo tse di siameng le gore ba itse se se batliwang mo go bona?
● Ba kgona go fitlhelela dibebofatsi le go tlhapa le ntlwanaboithusetso?
● Ba na le didirisiwa tse di maleba, ditlamelo, polante le diaparo tsa tshireletso?
● O sekaseka dintlha tsa boitekanelo le polokesego le bona le kgotsa baemedi ba bona?
● Sekaseka gangwe le gape ditiro tsa boitekanelo le polokesego tsa batho ba o rulaganyang go ba dirisa?
● Ba neela tshedimosetso ka ga boitekanelo le polokesego e ba e tlhokang malebana le tiro le go netefatsa gore ba na le bokgoni pele ba simolola tiro?
● Sekaseka tiro le bona pele ba simolola?
● Keleka tiro ya bona le go fedisa mathata?
● A mongwe le mongwe a ka kgona go fitlha kwa lefelong la tiro ka polokesego-le go dira koo ka polokesego?
● A ditsela tsa phitlhelelo di mo maemong a a siameng le go tshwaiwa sentle?
● A dilwana tse batho ba ka wang go tswa mo go tsona di na le direili tsa tlhokomelo tse di lekaneng kgotsa tshireletso e nngwe e e maleba ya selwana?
● A mesima e khupeditswe, e sireleditswe, e na le legora le go tshwaiwa sentle go thibela go wa?
● A lefelo le phepa le gore didirisiwa di bolokilwe sentle?
● A mabone a lekane?
● A mantlwanaboithusetso ka gale a teng le gore a tsholwa a le phepa le go tshuma ka tshwanelo?
● A go na le dibeisene tsa go tlhapa, metsi a a elelang, sesepa le ditoulu tse e reng morago ga go dirisiwa tsa latlhiwa?
● A go na le sepeisi sa go fetola, sa go omisa le sa go boloka diaparo?
● A go na le metsi a a nwewang le dikopi?
● A go na le sebebofatsi mo badiri ba ka kgonang go nna le go rulaganya dino tse di bolelo jj.?
● A mongwe le mongwe yo o tlhokang go dirisa dibebofatsi tsa katlaatlelo a ka kgona go di fitlhelela bonolo le ka polokesego?
● A dikhafole di dirilwe, di fetotswe le go tlosiwa ke batho ba ba nang le bokgoni?
● A dipala tsotlhe tsa kwa godimo di tlametswe ka dipoleiti tsa motheo (gape fa go tlhokega, dipoleiti sa sola tsa dikota)?
● A dipala tsotlhe tsa kwa godimo, dilejara, ditshegetsi le dithusi di mo maemong?
● A sekhafole se sireletsegile mo kagong kgotsa mo moagong ka mo mafelong a a lekaneng go thibela go wa?
● A go na le direili tsa tlhokomelo tse di lekaneng le diboto tsa maoto, kgotsa tshireletso e nngwe e e maleba, kwa ntlheng nngwe le nngwe go thibela didirisiwa go wa mo dikhafoleng?
● A dipolatefomo tsa go dira di na le diboto ka botlalo, le gore diboto di rulagantswe go tila go suta kgotsa go wa?
● A go na le dikgoreletsi tse di maatla kgotsa dikitsiso tsa temoso go thibela batho go dirisa dikhafole tse di sa felelang, sk mo dipolatefomo tsa go dira di se nang le diboto ka botlalo?
● A sekhafole se na le maatla a a lekaneng go tshola bokete jwa didirisiwa tse di beeilweng mo go sona le gore a dilo tse beilwe sentle?
● A dikhafole di tlhokometswe sentle?
● A go na le motho yo o nang le bokgoni yo o tlhatlhobang sekhafole gangwe le gape, sk gangwe ka beke, gape ka gale morago ga gore se fetolwe, se senyege kgotsa le morago ga bosa jo bo masisi?
● A dipholo tsa ditlhatlhobo di a rekhodiwa?
● A dikhafole tse di kwa godimo tsa setlamo di dirilwe le gore di dirisiwa go ya ka ditaelo tsa barebodi?
● A maotwana a dikhafole tse di kwa godimo a notletswe fa di dirisiwa le gore dipolatefomo ga di na sepe fa di sutisiwa?
● A dillere di dirisiwa sentle go dira tiro?
● A di mo maemong a a siameng?
● A dillere di nna mo lefatsheng kgotsa kgatlhanong le lefatshe le le popota e bile e seng mo didirisiweng kgotsa kgatlhanong le didirisiwa tse di bokoa tse di sa sireletsegang?
● A dillere di sireletsegile go di thibela go relelela kwa dithoko le kwa pele?
● A dillere di golela kwa bogodimong jo bo lekaneng go feta lefelo la tsona la go fologela Fa go se jalo, a go na dilo tsa go itshwareletsa tse dingwe?
● A dillere di mo maemong a a siameng gore badirisi ba se ke ba gagamala go feta?
● A go na le tshireletso ya kwa dintlheng go thibela batho go wa kgotsa didirisiwa go wa?
● Ka motsi wa go rulela ga indaseteri, a dinnete di tlametswe go thibela batho go wa kwa godimo ga marulelo kgotsa kwa dilwaneng tse siamistsweng fela e seng ka botlalo?
● Kwa dinnete di dirisiwang, a di pegilwe ka polokesego?
● A o lemogile didirisiwa tse di masisi jaaka dilwana tsa samente le mabone a marulelo?
● A o etse tlhoko go thibela badiri go wela mo didirisiweng tse di masisi fa ba dira mo marulelong?
● A go na le dikarolo tse di tshwailweng gape a badiri ba nna kgakala le karolo e e ka fa tlase ga tiro ya marulelo?
● A go na le tshegetso e e lekaneng ya kepo, kgotsa e dirilwe mokgokolosa, kgotsa e gatilwe kgotsa e dirilwe thata go babalela dienkele?
● A mokgwa o o bolokesegileng o a dirisiwa go tsenya tshegetso, ntle le gore batho ba dire mo mosimeng o o tshegediwang?
● A go na le phitlhelelo e e bolokesegileng kwa kepong, sk llere e telele mo go lekaneng e bile e sireletsegile?
● A go na le dillere kwa dikgaotsang tsa gangwe le gape?
● A go na le dikgoreletsi kgotsa tshireletso e nngwe go thibela batho le dirori go wela?
● A go na le diboloko tse di sireleditsweng sentle tsa thibelo go thibela dirori tse di relelang go wela?
● A dirori di dumelelwa go ya kwa mosimeng mo sekgaleng mo karolong e e bakang go wa?
● A kepo e ka ama tlhomamo ya dilwana tsa boagisani kgotsa ditirelo?
● A didirisiwa, masaledi (matlapana) le polante di bolokilwe kgakala le ntlha ya kepo go fokotsa kgonagalo ya go wa?
● A kepo e tlhatlhobiwa gangwe le gape ke motho yo o nang le bokgoni?
● A go na le didirisiwa tse di bokete jaaka diterase tsa marulelo, dilentele tsa konkoreiti, matlapa kgotsa ditlhagisiwa tse di ka mo dikgetseng tse di ka bakang mathata fa e le gore di tshwanetse go tlosiwa ka seatla?
Go tlhopha didirisiwa tse di botlhofonyana?
Go dirisa dikiribana, ditsholetsi, dithelehendelara, le polante e nngwe kgotsa setlamelo se sengwe gore go tsholetsa ka diatla go tle go fokotsege?
Go ota didirisiwa jaaka samente le diakerekeiti ka dikgetse sa 25 kg?
Go tila go baya gangwe le gape ga diboloko tsa go aga tse di kalang go feta 20 kg?
● A batho ba laetswe le go katisiwa go tsholetsa dilo tse di bokete ka polokesego?
● A dirori le batsamayakadinao ba kgaosantswe ke dikgoreletsi?
Dirisa dikgoreletsi go kgaoganya mafelo a tiro?
Tlhagisa temoso ka ga mafelo a a ka tlholang kotsi, le ka mo go ka diriwang ka ga yona?
Baya matshwao a temoso?
● A go na le tshiamiso e e lekaneng go dikologa dirori tse di fapogang?
● A go boela morago go ka tilwa sk ka go dirisa mokgwa wa tsela e lenngwe kgotsa, fa go se jalo, a bathusi ba ba katisitsweng sentle ba a dirisiwa?
● A dirori le polante di tlhokomelwa sentle, sk a setering, mabone, poriki ya seatla le ya leoto di dira sentle?
● A bakgweetsi ba bone katiso e e maleba le ditifikeiti tse di tlhokegang go dira ka mefuta e e rileng ya dirori tse di tsholetsang, kgotsa polante e ba dirang ka yona?
● A merwalo e sireletsegile sentle?
● A o netefaditse gore bapalami ba palamisiwa fela mo diroring tse di diretsweng go ba palamisa?
● A o netefaditse gore polante le dirori ga di dirisiwe mo mekgokoloseng e e kotsi?
● A dithulusu tse di maleba kgotsa metšhini e e maleba e dirisediwa tiro?
● A dikarolo tsotlhe tse di kotsi di a tlhokomelwa, sk dikere, chain drivers, dišafote tsa dienjene tse di tlhagelelang?
● A dikate di sireletsegile gape di siamisitswe sentle?
● A dithulusu le metšhini di tshotswe di le mo maemong a a siameng le gore didirisiwa tsotlhe tsa polokesego di dira sentle?
● A badirisi botlhe ba katisitswe le gore ba na le bokgoni?
● A ditlamelo di tsentswe ke motho yo o nang le bokgoni?
● A badirisi ba katisitswe le gore ba na le bokgoni?
● A bokgoni jo bo reitilweng bo tshwailwe sentle?
● A setsholetsi se na le pegelo ya sešweng kgotsa tshekatsheko e e tseneletseng le rekhoto ya tlhatlhobo?
● A go na le lefelo la motheo le le maleba go thibela batho gore ba se ke ba otliwa ke karolo nngwe le nngwe e e tsamayang ya setsholetsi?
● Diheke tsa botseno di tsholwa di tswetswe ntle le fa polatefomo e le mo botsenong?
● A go na le dithulaganyo tsa tshoganyetso, sk malebana le go tswa mo lefelong ka motsi wa molelo?
● A batho mo lefelong ba itse gore dithulaganyo ke dife?
● A go na le mokgwa wa go letsa alamo, le gore e lekiwa gakae?
● A go na le tsela ya go ikgolaganya le ditirelo tsa tshoganyetso go tswa mo lefelong?
● A go na le ditsela tse di lekaneng tsa go falola le gore tsona di nna di siame?
● A go na le tlamelo ya thuso ya ntlha?
● A dilwana tsa dituki, diedi le digase di tsholwa mo go lekaneng?
● A di bolokiwa sentle?
● A disilindara tsa gase tsa dituki di busediwa kwa setorong sa tlhabisaphefo kwa bikhutlong jwa šifiti?
● A disilindara tse di tletseng le tse di se nang sepe di bolokiwa di kgaogane le go bontshiwa sentle?
● A metswedi ya go tsuba le e mengwe ya kgotetso e thibetswe kwa mafelong a kwa digase kgotsa diedi tse di tukang di bolokiwang kgotsa di dirisiwang?
● A disilindara tsa gase, dipeipi tse di amegang le ditlamelo di tlhokomelwa sentle le gore di mo maemong a a siameng?
● Fa disilindara tsa gase di sa dirisiwe, a dibelofo di tswetswe sentle?
● A Dilo tse di tukang le tse di tshwarang molelo ka bonako di tlosiwa gangwe le gape le go bolokiwa ka mo dibining tse di maleba kgotsa ka mo dikiping?
● A ditimamolelo tse di maleba di a tlamelwa?
● A o lemogile dilwana tsotlhe tse di kotsi le didirisiwa, jaaka asebesetose, lloto, ditlhaolosi, dipente, samente le lorole?
● A o kelekile fa mokonteraka yo o nang le laesense a tlhokega go samagana le asebesetose mo lefelong?
go dira tiro ka tsela e e farologaneng, go tlosa kgonagalo ya kotsi gotlhelele?
go dirisa sedirisiwa se se seng kotsi thata?
go dirisa dithulusu tse di tsentsweng setlosa lorole?
● A badiri ba ne ba bona tshedimosetso le katiso gore ba tle ba itse dikotsi go tswa kwa dilwaneng tse di kotsi tse di dirisiwang le go tlhagisiwa mo lefelong, le se ba tshwanetseng go se dira go tila dikotsi tseo?
● A o na le dithulaganyo tsa go thibela go tshwara samente se se metsi (ka se se ka baka kgotelo ya letlalo le diphiso tsa samente)?
● A o lemogile dilwana tsotlhe tse di kotsi le didirisiwa, jaaka asebesetose, lloto, ditlhaolosi, dipente, samente le lorole?
● A o kelekile fa mokonteraka yo o nang le laesense a tlhokega go samagana le asebesetose mo lefelong?
go dira tiro ka tsela e e farologaneng, go tlosa kgonagalo ya kotsi gotlhelele?
go dirisa sedirisiwa se se seng kotsi thata?
go dirisa dithulusu tse di tsentsweng setlosa lorole?
● A badiri ba ne ba bona tshedimosetso le katiso gore ba tle ba itse dikotsi go tswa kwa dilwaneng tse di kotsi tse di dirisiwang le go tlhagisiwa mo lefelong, le se ba tshwanetseng go se dira go tila dikotsi tseo?
● A o na le dithulaganyo tsa go thibela go tshwara samente se se metsi (ka se se ka baka kgotelo ya letlalo le diphiso tsa samente)?
● A badiri ba ne ba bona tshedimosetso le katiso gore ba tle ba itse dikotsi go tswa kwa modumong mo lefelong, le se ba tshwanetseng go se dira go tila dikotsi tseo?
● A o ne wa lemoga le go sekaseka tlhagelelo ya badiri mo modumong?
● A modumo o ka fokodiwa ka go dirisa mekgwa e e farologaneng ya go dira kgotsa ka go tlhopha polante e e se nang modumo, sk ka go tsenya dithubi le polante e nngwe kgotsa motšhini dithibelamodumo?
● A batho ba ba sa amegeng mo tirong ba tsholwa kgakala le motswedi wa modumo?
● A tshireletso e e maleba ya kutlo e a tlamelwa le go apariwa kwa mafelong a a modumo?
● A dikarolo tsa tshireletso ya kutlo di tshwailwe?
● A o rulagantse tlhokomelo ya boitekanelo go batho ba ba tlhagelelang mo modumong o montsi?
● A badiri ba ne ba bona tshedimosetso le katiso gore ba tle ba itse dikotsi go tswa kwa thoromong ya seatla (HAV) mo lefelong, le se ba tshwanetseng go se dira go tila dikotsi tseo?
● A o ne wa lemoga le go sekaseka dikotsi go badiri go tswa mo tirisong e telele ya dithulusu tse di roromang jaaka dithubi tsa konkoreiti, dikeraendara tsa enkele kgotsa diboro tsa hamore?
● A tlhagelelo go HAV go fokoditswe ka moo go ka kgonagalang ka go tlhopha mekgwa e e maleba ya tiro le polante?
● A dithulusu tsa thoromo tse di fokoditsweng di a dirisiwa fa go kgonagalang?
● A dithulusu tse di roromang di tlhokometswe sentle?
● A o rulagantse tlhokomelo ya boitekanelo go batho ba ba tlhagelelang mo thoromong ya seatla e ntsi, segolobogolo fa ba tlhagelela mo dipakeng tse dileele?
● A ditirelo tsotlhe tse di botlhokwa di tlametswe mo lefelong pele tiro e simolola gape a le wena o lemogile ditirelo tse di leng teng mo lefelong (sk megala ya motlakase kgotsa dimeini tsa gase) le go tsaya dikgato tse di maatla, fa go tlhokega, to thibela kotsi mo go tsona?
● A o dirisa maatla a motlakase a a kwa tlase mo dithulusung le mo ditlamelong, sk dithulusu tse di dirisiwang ka dibeteri kgotsa dilwana tsa maatla a motlakase a a kwa tlase?
● A megala le dilloto di sireleditswe kgatlhanong le go senyega?
● A dikgokaganyo tsotlhe tse di yang kwa dilwaneng di dirilwe sentle le gore dipolaka tse di maleba di a dirisiwa?
● A dithulusu le ditlamelo di sekasekiwa ke badirisi, di tlhatlhobiwa ka nnete mo lefelong le go sekasekiwa gangwe le gape le go lekiwa ke motho yo o nang le bokgoni?
● A megala e e fitlhegileng ya motlakase le ditirelo tse dingwe di bonwe (sk ka lokeitara le dithulaganyo) le go tshwaiwa, gape o tsere dikgato mabapi le go dira ka polokesego?
● Fa go nang le megala ya kwa godimo, a thebolo ya motlakase e timilwe, kgotsa dikgato tse dingwe di tserwe, jaaka go tlamela ka dipala tsa dino kgotsa ditshwai tsa theipi?
● A tiro e tsentswe legora go tswa mo bathong?
● A ditiro tsa tsela di sireleditswe le go tshumiwa?
● A batho ba sireleditswe mo dilong tse di wang?
A tikologo ya lefelo e sireleditswe mo go lekaneng?
A dillere tsotlhe di tlositswe kgotsa dirang tsa tsona di khurumeditswe gore di se ke tsa dirisiwa?
A dikepo le mesima di khurumeditswe sentle kgotsa di diretswe legora?
A polante yotlhe e dirilwe gore e se ke ya dirisiwa go thibela tiriso e e sa letlelelwang?
A ditena le didirisiwa di pakilwe ka polokesego?
A dilwana tse di tukang kgotsa tse di kotsi di notleletswe ka mo mafelong a polokelo a a sireletsegileng?
Kalafo ya lengole le le gobetseng.
Bothata: Sekhafole se, se ne se sa tshwaragantshwa le lobota ka jalo ka e le polatefomo e e emeletseng e e loso, se ne sa tsenya matshelo a badiri mo kotsing.
Sekhafole ga se a tshwanelwa go dirisiwa jaaka llere.
Go dirisa dikiribana, ditsholetsi, dithelehendelara, le polante e nngwe kgotsa setlamelo se sengwe gore go tsholetsa ka diatla go tle go fokotsege?
Diaparo tsa tshireletso ka gale di tshwanetse go apariwa ka motsi wa go tshwara ka diatla. Ela tlhoko modiri a le mongwe yo o se nang ditlelafo le ba le babedi ba ba se nang dikuane tse di popota.
A ditimamolelo tse di maleba di a tlamelwa?
A tshireletso e e maleba ya kutlo e a tlamelwa le go apariwa kwa mafelong a a modumo?
A dithulusu tse di roromang di tlhokometswe sentle?
Mabokoso a a laolang motlakase a tshwanetse ka gale go khurumediwa le go notlelwa sentle.
<fn>DOL. OhsInAgriandforest.2010-10-04.tn.txt</fn>
Dikotsi, dikgobalo le bolwetse di ka senya matshelo le dikgwebo.
dipolasa di bolokesege ke balemirui le badiri ba bona ba kwa dipolaseng.
temothuong le mo go tsa dijo go amega.
temothuo le tsa sekgwa.
kwa lefelong la bona la tiro.
Ditshenyegelo tsotlhe tse di ka tilwa, mme ga okediwa poelo.
bona. Pampitshana e, ga e akaretse ditlhokego tsa peomolao mo indasetering.
dira sentle le go go kgontsha go nna mo kgwebong.
itekanela le go babalesega go dira sentle le go nna ka gale ba le mo tirong.
maemong a a botoka a kwa lefelong la tiro.
boitekanelo jwa badiri ba gago.
gago o fetoga kgotsa mathata mantšhwa a nna teng.
batla go laolwa kgotsa ka mo o tshwanetseng go dira ka teng.
tshwanetse go dira go feta.
Lebelela go dikologa lefelo la tiro o lebelele gore batho ba dira jang.
kotsi e e masisi kgotsa a a ka amang batho ba le bantsi.
Lemoga batho ba ba ka gobalang, le gore ba bakae.
mantšhwa a ka tlhagelela.
bo botlhokwa di laolwa sentle jang.
Ditaolo di ka lekana sentle kgotsa di ka nna le sekoupu sa go tokafatsa dilo.
ga ditaolo tsa gago.
tshwanetse go rulaganya gore o ya go se dira jang le gore leng.
diphitlhelelo tsa gago go ya go go thusa go dira se.
e sa tlhole e le maleba.
Go tlhagelelang mo maemong a bosa, mo modumong le mo thoromong.
ka tlhola mathata a mesifa le a marapo.
ke dithinyego kgotsa matsapa.
Ke eng se o tshwanetseng go se dira?
go tilwa mo go kgonagalang go sireletsa boitekanelo jwa badiri.
Dikotsi di le dintsi tse di masisi tsa mo dipolaseng di ama metšhini.
gonne disireltsi ga di a ka tsa tlamelwa kgotsa di tlogetswe.
bolokesegile go ka dirisiwa.
dirang gore setlamelo se se ke sa bolokesega.
O tshwanetse go dira eng?
Dithulusu tse di dirisediwang go jala dimela di tshwanetse go direlwa tiro eo.
pipini kgotsa boutu.
neelana ka disireletsi tse di tlhokegang.
tshireletso tse di tlhokegang le go di dirisa.
kgotsa dijeke fa batho ba dira ka fa tlase ga tsona.
Ba apara diaparo tse di maleba tsa tshireletso le ditlamelo.
Wa tshwenya batho ba ba dirisang metšhini.
Sebakwa se sengwe sa kgobalo mo temothuong ke diterekere tse di menogang.
ama bakgweetsi, badiri ba bangwe le batsamaya -ka-dinao.
se tsamaya kgotsa se baka kgobalo.
Dinotlolo di tsholwa sentle fa dirori di sa dirisiwe.
batho ba ba nang le bokgoni go fokotsa kgonagalo ya go nna teng ga dikotsi.
mo ditseleng tsa botlhe.
baka modumo mo tsebeng kgotsa bosusu.
mongwe yo o tsenang mo mafelong a, o apara tshireletso ya ditsebe.
monwana o mosweu wa thoromo, tshika, mosifa kgotsa kgotlhelo ya ditokololo.
go go latelwang ke go opaopa le go tsholola.
mokwatla jo bo tswelelang kgotsa setlhabi mo nokeng le mo lengoleng.
nokeng kgotsa mo lengoleng morago ga go dira ka terekere.
O ka dira eng?
Thuthufatsa matsogo pele ga tiro o be o a tshole a le bothitho.
marurung a a tseneletseng go ka nna kotsi.
Tlhokomela dirunyi, dikakana kgotsa ditlosa mmala mo letlalong.
ya gago fa dironyi, jj.
mmele wa badiri o omile gape mo temphereitšeng e e siameng.
botlhole le ditshwaetsego.
phologolong a fetela motho.
mediwa, kgotsa fa di tsenelela mo letlalong.
fitlhela bo alafiwa.
Fokotsa kgonagalo ya kotsi ka go tshola leruo le itekanetse.
Netefatsa gore go nna le bophepa jo bo siameng jwa sebele.
Tswala mesego yotlhe le mengapo ka ditswalo tse di thibelang metsi.
ya dinku, tsotlhe di ka kowafatsa.
sebaka se seleele go fitlhela a batla go nna teng ka gale.
na le kgonagalo ya gore o ka nna le mathata a a masisi a sehuba.
Go botlhokwa go itshireletsa le go sireletsa badiri ba gago.
bokgoni jo bo kwa godimo.
Go apara setlamelo se se maatla sa tshireletso sa khemo.
diphufudi kgotsa di-aerosolo.
dipekereng mo mafelong a a leswe, a a nang le lorole.
ja, o nwa kgotsa o tsuba.
fokotsa kgotlelego ya sebele.
tshololwa le go tlhatswiwa letsatsi lengwe le lengwe.
thelela, go kgopiwa le go wa.
se se lekaneng sa go boloka dithulusu le dilwana.
dikarolong tsa difuru kgotsa ka mo dikagong tsa bogologolo.
Fokotsa kgonagalo ya go wa, ya go kgopiwa le ya go thelela.
tsa taolo tse di supilweng ke tshekatsheko ya gago ya kgonagalo ya dikotsi.
tshwanetse go katisediwa thuso ya pele ya motheo.
go akaretsa kalafo ya dintho tse di bulegileng le thathamologelo.
tse dinnye tse di ka nnang teng tse di kotsi.
le thebolo ya metsi a a sa nweweng.
Lefapheng la Badiri.
diketane, disegi tsa boraše kgotsa disaga tse di tshekeletsa tsa letsogo.
Website: www.labour.gov.za<fn>DOL. OhsInAgriculture.2011-01-10.tn.
Pamfolete eno e go naya tshedimosetso ka ga dikwetsa tsa boitekanelo tse di amanang le bodiri jwa temothuo, ditshingwana le dikgwa. Re itlamile go thibela dikotsi le malwetse, mme go a re itumedisa go golagana le batho le ditlamo tse di diranang le boitekanelo le pabalesego mo lephateng la temothuo, ditshingwana le dikgwa.
Go fa sekao, go mekamekana le merwalo e e bokete kgotsa go bereka o sokasokamisega mmelego ka baka pherekano ya mesifa le marapo. Seno se raya manokonoko le ditlhabi tsa maoto le matsogo, malokololo le mokwatla, tse di ka tlisiwang ke go phetsega kgotsa go kakamala mesifa, go tsiboga marapo a mokokotlo, go kakatlega ditlhafu, atraitise ya dinoka, mangole le ditokololo tse dingwe.
Switšhe kgotsa valofo ya totlelani e nonofetse tiro, le gore mokgwa o e berekang ka ona o ka ketefalela motho go o tlhatlhamolola.
Go ya ka molao, fa o reka kgotsa o hira metšhine, morekisi/mohirisi wa metšhine eo o tshwanetse a go tlamela ka disireletsi.
Mathata a mantsi a a bakwang ke metšhine a tlhagelela ka nako ya ditolamiso le dikabololo.
Motlakase o kotsi, o ka bolaya motho. Ngwaga-le-ngwaga motlakase o bolaya batho ba ka nna 3-4 mo lephateng la temothuo. Seno gantsi se dirwa ke fa batho ba kgomana le dithapo tsa motlakase tsa dikaletso. Dikotsi tse dingwe di bakwa ke go dirisa ditlamelwana tsa matsogo kgotsa dikheibole tsa kotlololo tse di sa lolamisegang. Ditlamelwana tsa motlakase fa di sa tsenngwa ka tshwanelo, le tsona di kotsi.
Maatla a motlakase a kgona go tlolela metšhine kgotsa ditlamelwana fa di o atametse thata; Di-OHPL di kgona go go tlhagisetsa kotsi le fa o sa di kgoma. Fa go na le di-OHPL tse di ralalang polase kgotsa setsha sa gaeno, o ka rerisana le motlamedi waeno wa motlakase gore di faposiwe, di epelwe kgotsa di tlhatlosiwenyana gape. Fa seo se sa kgonege, dira gore o nne le mmepe wa ditsela tsa tsona (o ka o kopa mo go motlamedi), mme o tlhomamise gore badiri ba bafeti, jaaka bakonteraka, ba na le dikhophi tsa ona.
Wa berekela ka fa tlase ga OHPL go se na maranyane a pabalesego, kgotsa wa dumelela karolwana ya motšhini (dikgatshi, matipane, dinosetsi, jalojalo) go atamela OHPL bogaufi jwa 15m.
Wa tsenya legora la bothale (terata) mo ditseleng tsa OHPL, kgotsa wa gogela terata mo e ka tlolang mme ya kgomana le OHPL.
Go kgoma OHPL go ka nna ga kgaosetsa tsamao ya motlakase nakwana, fela o ka wa tsoselediwa ke sebusetsi sa othomathiki. O se ka wa leka go tshwasolola dilo mo ditleneng tsa motlakase pele mong wa dithapo tsa OHPL a go netefaletsa gore di timilwe motlakase. Fa o pateletsega go berekela gaufi le OHPL, kopa motlamedi wa motlakase gore a o kgaosetse nakwana.
Fa o tlamega go berekela gaufi le dikheibole tsa dikepelwa, kopa ba setlamo saeno sa tlamelo ya motlakase go go rebolela tshedimosetso mabapi le ditsela tsa tsona. Kopa mankge yo o maleba go tlhotlhomisa fa go se na dikheibole pele o epa mesima mo ditseleng kgotsa dikago tse o di berekang.
Go nna le diphatlha tse di lekaneng tsa disokete. Go tlhatlaganya disokete ka go dirisa diadaptara go na le kwetsa ya go baka molelo.
Ditshomelo tsa disokete tsa kwa nageng, jaaka mo maemong a a bokgola, a a ka jang ditlamelwana, a go dirisa setimi kgotsa metsi, e nne tse di maleba (kopa kgakololo: o se ka wa dirisa disokete tsa mo ntlong), mme di sirelediwe ka Sekgwatlhi sa Masaledi a Motlakase kgotsa RCD (Residual Current Device).
Dithulusu tsa motlakase tse di dirisiwang kwa nageng kgotsa kwa go nang le dimetale tse di efilweng ka bontsi, di tshwanetse go dirisiwa ka volteiji e potlana go tswa mo transfomareng/phetosaneng ya sekganela-kotsi (sekao, go efisa kgari ya divolte tse 110), kgotsa di golaganngwe ka RCD e e tlaa kgaosetsang motlakase ka bonako fa go na le phoso ya go efa. Sekaseka kgonego ya go bereka ntle le motlakase: go fa sekao, o ka dirisa dithulusu tsa niumatiki (maatla a mowa) tsa bodirelo (mme o tlhotlhomise seelo sa leratla).
Lo nna le ditshomelo tse di lekaneng tsa disokete gore lo fokotse tiriso ya diotlolosi.
Go botlhokwa thata go itse se se tshwanelwang ke go dirwa fa mongwe a ka tlakasega. Sa ntlha, gakologelwa go tima motswedi wa motlakase, mme fa seo se sa kgonege, o se ka wa kgoma motho yo o tlakasegileng ka sepe sa metale; mo kgome fela ka sengwe se e seng sefetisi sa motlakase. Go rudisa motho go batla katiso, ka moo netefatsa gore badiri baeno ba newa katisonyana ya Thusoyantlha. Manega khophi ya 'Plakate ya tshedimosetso mabapi le motlakasego' googongwe, e e tlhalosang gore go dirwe eng.
Go berekela mo leratleng go ka baka tshusufalo ya leruri.
Ke bothata jo bo ka amang maoto le matsogo (bogolo mo tirisong ya disaga-tšhaene le digwai), kgotsa mmele otlhe (jaaka mo bakgweetsing ba diterekere le diteraka).
Go berekela momaemong a a bogale a bosa, jaaka letsatsi le serame se se feteletseng, go kotsi mo mmeleng.
Fa go leletsatsi o apare botlhošwana mme o rwale hutshe e e moriti o sephara; o se ka nna legwete.
Fa o ka bona o tswa ditshubaba le dikakana, kgotsa o tlhafega sebala, o itlhokomele.
Go kopakopana le diphologolo go ka baka zuunosise/sefologolo (a diphologolo di a tshelang batho), jaaka orofo (a letlalo), dibokwana le leptospirosise ya dikgomo le magotlo. Matshwao a teng a akaretsa malwetsi a letlalo le diphikelo tse di iphetolang malwetse a leruri fa di sa phekolwe ka pele.
Go amana le dikhemikale le mere e mengwe e e borai jaaka diupi, melemo ya diphologolo (jaaka tipi ya dinku), marole, sesi, marere a dikgelelo, dinontshammu; go hema sesi sa plastiki kgotsa mmoko le menkgo ya dinontshammu, letlhaka kgotsa leswabo; diretse, maloko le mmutele; go tshelegelwa ke diupi le ditipi; gotlhe moo go ka baka malwetse.
Malwetse mangwe a a bakegang mo tirong a tshwanelwa ke go begelwa Lefapha la Badiri.
<fn>DOL. OhsInSchools.2011-01-10.tn.txt</fn>
Lefelotiro le na le thotloetso e e botlhokwa mo boitekanelong le polokesego ya batho. Tsamaiso e e bokoa ya boitekanelo le polokesego mo lefelotirong e ka isa kwa malwetseng a a amanang le tiro, dikgobalo le dintsho.
Dikolo, dikholetšhe le diyunibesithi di tlhoka mafelotiro a a itekanetseng le badiri ba ba kgonang fa e le gore ba tla neelana ka ditirelo tsa boleng bo bo kwa godimo.
Go tsamaisa ka bokgoni bodiredi jwa boitekanelo le polokesego ke dintlha tsa botlhokwa go fitlhelela se.
Go neelana ka metswedi go thibelela batho go lwatswa ke tiro, kana go se nne teng mo lefelotirong ka mabaka a boitekanelo, le go gatelela tsosoloso le go busetsa batho go dira go ka tswela bathapi le badiri mmogo mosola.
Go gorosa ditshiamelo tse re tshwanetse go tlhola mafelotiro foo boitekanelo le polokesego di godisiwang le go sirelediwa.
Ke molao ofe o o dirang?
Molao, 1993 wa Bodiredi jwa Boitekanelo le Polokesego.
Ke ka ntlha ya eng go na le molao wa boitekanelo le polokesego?
Ka ntlha ya fa boitekanelo le polokesego di le botlhokwa kwa tirong, go na le melawana e e re tlhokang rotlhe go se ipeye le ba bangwe mo kotsing. Molao o teng gape foo go sireletsa setšhaba mo dikotsing tsa lefelotiro.
A molao wa boitekanelo le polokesego o a dira mo go nna?
Ee, o dira kwa dikolong, dikholetšheng le diyunibesething tsotlhe.
Ke mang yo o susumetsang molao wa boitekanelo le polokesego?
Batlhatlhobi go tswa go Lefapha la Badiri.
Batlhatlhobi ba susumetsa jang molao?
Ba etela mafelotiro go tlhola gore a batho ba itshegetsa ka melawana. Ba batlisisa dikotsi le dingongorego mme segolo ba thusa bathapi le badiri go tlhaloganya se ba tlhokang go se dira.
A dikolo, dikholetšhe le diyunibesithi di tshwanetse go nna le baemedi ba boitekanelo le polokesego le dikomiti?
Mo go thapilweng badiri ba ba fetang 20, go tshwanetse go nne le kemedi ya boitekanelo le polokesego le bogolo e le nngwe ya badiri bangwe le bangwe ba le 100.
Mo go tlhomilweng kemedi e e fetang nngwe, go tshwanetse go nne le komiti ya boitekanelo le polokesego.
A ditiragalo di tshwanetse go begiwa?
Ditiragalo dingwe tse di diragalang mo dikolong, dikholetšheng le diyunibesithing, kana ditiro tsa thuto kwa ntle ga sekolo, di tshwanetse go begiwa go Motsamaisi Phetisi wa Porofensi mo porofensing ya gago. Bona lenane la dinomoro tsa kgolagano.
O ka bona dintlha ka botlalo mo ditiragalong tse di begegang mo dikarolong 24 le 25 tsa Molao wa Bodiredi jwa Boitekanelo le Polokesego. Ditiragalo tse di amanang le tirisodikgoka ga di begege go Motsamaisi Phetisi wa Porofensi.
Metšhine e e tsamayang jaaka wa sesega bojang.
Tlhagisetso kwa dikumong tse di amanang le asebesetose.
Ke tshwanetse go dira eng ka dikotsi tse?
Fale o lemogile dikotsi tse di kgonegang, o tshwanetse go fedisa kana go fokotsa dikotsi. Fa go sa kgonege go di fedisa, o tshwanetse go tlhomamisa dikgato tsa tlhokomediso go sireletsa batho kgatlhanong le dikotsi tse.
Batlhatlhobi ba ka tlhaelediwa kwa diofising tse di latelang tsa Lefapha la Badiri.
<fn>DOL. OhsInSmallBusinesses.2011-01-10.tn.txt</fn>
Bodiredi jwa boitekanelo le polokesego ke eng?
Ke go thibela dikgobalo mo tirong kana go tlhomamisa gore badiri gaba tsenwe ke malwetse le go tlamela bodirelo jo bo kgotsofatsang.
Boitekanelo le polokesego tsa batho di sireleditswe jang?
Go na le melawana e re e tlhokang rotlhe gore re se ipeye kana go baya ba bangwe mo kotsing. Molao o teng gape go sireletsa setšhaba mo dikotsing tsa lefelotiro.
A melao ya boitekanelo le polokesego e dira kwa dikgwebong tse di potlana?
Ee, melao ya boitekanelo le polokesego e dira kwa dikgwebong tsotlhe go sa nyatswe bonnye. E dira le kwa bathong ba ba ithapileng gape.
Ke molao ofe o o dirang?
Molao wa Bodiredi jwa Boitekanelo le Polokesego, No. 85 wa 1993.
Ke mang yo o ikarabelelang tsweletso le kgapeletso ya melao ya boitekanelo le polokesego?
Lefapha la Bodiri le ikarabelela tsweletso ya melao ya boitekanelo le polokesego mo Aforika Borwa. Batlhatlhobi ba tlhomilwe ke Lefapha la Bodiri go gapeletsa gore melao ya boitekanelo le polokesego e tsewa tsia.
Batlhatlhobi ba dira eng?
Ba etela mafelo bodirelo le go tlhola gore batho ba itshegeditse ka melawana. Ba batlisisa ditiragalo le dingongorego. Ba go thusa gape gore o tlhaloganye se o tlhokang go se dira. Ba gapeletsa tshegetso ya melawana fa go na le ikgatholoso e e masisi.
Go tshwanetse go diriwe eng fa kgobalo e tlhagile kwa tirong?
Mothapi kana motho yo o ithapileng o tshwanetse go bega ditiragalo go Lefapha la Bodiri. Ditiragalo di tshwanetse go begiwa ka bonako, segolo fa di le masisi, kana mo malatsing a le supa.
A o bone gore boitekanelo le polokesego di nne ka fa tlase ga taolo mo lefelo bodirelong la gago?
Go baya dilo mo mannong go laola dikotsi kwa lefelotirong, Tshekatsheko ya Kotsi e tshwanetse go dirwa go bona tshedimosetso ka dikotsi tse di golaganngwang le lefelotiro. Dikgato tse di utlwalang di ka bewa mo mannong go laola dikotsi.
Tshekatsheko ya kotsi ke eng?
Ke tlhatlhobo e e tlhoko ya se se mo lefelotirong la gago se se ka tlholang kotsi e e kgonegang mo bathong.
Ke dikotsi dife le dikgobalo tse di ka bonwang kwa lefelongtiro?
Go relela kana go kgopega kwa tirong.
Mothapi kana motho yo o ithapileng o na le maikarabelo go tlhomamisa gore ga go motho yo o gobetseng kana a amilwe ke ditiro tse di diragalang kwa lefelotirong.
Badiri kwa lefelongtiro ba tshwanetse gape go tlhomamisa gore ga go motho yo o gobalang ka ntlha ya botlhaswa jwa bona kana tlhokego e e bonolo ya tirisanommogo le mothapi.
<fn>DOL. Silicosis.2010-11-30.tn.txt</fn>
O itse go le kanakang mabapi le Silikhosise?
Silikhosise ke bolwetse jwa makgwafo jo bo kotsi, jo bo golafatsang, jo bo sa phekolegeng, jo bo ka bakang le loso. Bo bakwa ke fa motho a ka gopa/gabola dikristale tse di hemegang tsa silikha. Silikha ke popikgolo ya manya a motlhaba, majwe le diminerale.
Goreng go gopa/gabola lorole lwa silikha go le kotsi go le kanakana?
Go angwa ke lorole lo lo nang le ditšhagarana tse ditshesatshesanyane tsa silikha go ka baka gore go nne le lothanyana lo lo ipopang mo makgwafong, mme lo itse makgwafo go gopa oksijene ya mowa o re o hemang. Batho ba silikhosise ya bona e setseng e gaketse thata, ba ka tsenwa ke fibrosise e e bogalegale mme ba bolawa ke go hupelwa kgotsa go ema pelo. Batho ba ba berekelang mo loroleng lwa silikha, kgotsa ba ba setseng ba tsenwe ke silikhosise, ba mo kotsing ya go tsenwa ke TB (thubakolosise) ya makgwafo. Silikhosise e e kopaneng le TB, kgotsa yona silikha-thubakolosise, ke yona mmaki yo mogolo wa dintsho mo bathong ba ba amilweng ke silikha lobaka lo loleele.
Go tsenwa ke lorole lwa silikha go diragalela kae?
Lorole lwa silikha lo tlholega fa go silwa majwe, motlhaba le konkoreite go nna tšhagarana e tshesane. Go phaphantshiwa ga motlhaba ke nngwe ya dilo tse di dikwetsa bogolo, gonne go dira gore silikha e tlale mo moweng.
Modiri o tlaa itse jang gore o mo kwetseng ya go tsenwa ke silikhosise?
Badiri botlhe ba ba berekelang mo tikologong e e lorole, mo go tletseng lorole lwa silikha teng, ba ka tsenwa ke silikhosise bonolo. Silikhosise e tsena motho le go mo gakalela ka bonako fa fela a ntse a amiwa ke lorole lwa silikha (Silikhosise e e bogale), kgotsa e mo tsena ka lobelo (Silikhosise e e tlhaga), kgotsa emo tsene e mo iketletse (Silikhosise e e senyeme). Gape e ka nna ya tlhakatlhakanela pele fa e kopana le fibrosise e e boitshegang kgotsa TB.
Ke mefuta efe ya madirelo e e atisang go tlala lorole lwa silikha?
Ke ditshupo dife tse di lemosang kgonagalo ya go silikhosise?
Silikhosise e kgona go tshwara motho dingwaga e sa lemosege; e ka nna 15 dingwaga kgotsa go feta, fa e le senyeme mme e sa tlhakatlhakana. Modiri yo o amiwang ke silikha mme a na le TB a ka tswa a tshwerwe ke silikhosise gape.
O ka itse jang gore o na le silikhosise?
Fa o ikitse o berekela mo go tletseng lerole la silikha, kgotsa o itse o tsenwe ke lerole leo, eya tleliniking kgotsa kokelong, kgotsa o bonane le ngaka e e nang le maitemogelo ka malwetse a madirelo. Tlhatlhobo ya kalafi e o e newang e tshwanetse go akaretsa histori ya gago ya kwa bodirelong, le diekserei tsa mafatlha, le teko ya makgawafo, go tlhotlhomisa fa o ka ne o tsenwe ke silikhosise.
O ka dirang go thibela silikhosise?
Dira gore mothapi waeno a rulaganye ditlhatlhobo tsa kalafi.
O ka ya kae fa o ka tsenwa ke silikhosise, kgotsa TB ya silikha, kgotsa kankere ya makgwafo ya silikha, e le malwetse a a go tseneng o le mo bodirelong?
Ikopanye le kantoro e e gaufi nao ya Lefapha la Badiri, kgotsa o etele websaete ya Lefapha mo go www.labour.gov.
<fn>DOL. WhatEveryWorkerShouldKnow.2011-01-10.tn.txt</fn>
Kaedi e, e kwadilwe go ya ka dikgatlhegelo tsa boitekanelo le pabalasego ya badiri mo Aforika Borwa. E ikemiseditse go tlhalosetsa bannileseabe botlhe mo makaleng a Aforika Borwa a ditiro tsa boitekanelo le tsa pabalasego Molao ka mareo a a bonolo.
Seabe sa batlhatlhobi ba boitekanelo le pabalasego ya mo ditirong ba Lefapha la Badiri se a tlhalosiwa. Ditiro le ditshwanelo tsa badiri tse molao o ba di rebolelang di a tlhalosiwa. Diabe le maikarabelo a bathapi, batlhami, baakanyetsi, baromelateng, batlamedi le barekisi a go netefatsa boitekanelo le pabalasego ya badiri a tlhagisiwa. Mo bofelong ditiro tsa baemedi le dikomiti tsa boitekanelo le pabalasego di a tlhaloswa.
Molao wa Boitekanelo le Pabalasego ya mo Tirong wa 1993, o batla go re mothapi a tlhagise le go tshegetsa go ya ka fa go kgonegang ka teng tikologo e e bolokesegilng ya tiro e e senang kotsi mo boitekanelong jwa badiri. Se se tlhalosa go re bathapi ba tshwanetse ba netefatsa go re lefelo la tiro le gololesegile mo dilong tse di kotsi jaaka bensini, tleloraete, ditshedinnye, dilo, ditlamelo, didirisiwa, ditsamaiso tse di ka bakang kgobalo, tshenyo kgotsa bolwetse. Fa seno se sa kgonege, mothapi o tshwanetse a itsise badiri ka dikotsi tse, ka moo di ka thibelwang ka gona le ka moo o ka dirang ka pabalasego ka gona le go rebola dikgato tse dingwe tsa tshireletso go re lefelo la tiro e nne le le babalesegileng.
Le fa go le jalo, ga go solofelwe go re e nne mothapi fela yo a rwalang maikarabelo a boitekanelo le pabalasego. Molao o ikaegile mo motheong wa go re dikotsi mo lefelong la tiro di tshwanetse tsa rarabololwa ka kgokagano le tirisano magareng ga badiri le mothapi. Badiri le mothapi ba tshwanetse ba arogana maikarabelo a boitekanelo le pabalasego mo lefelong la tiro. Makala ka bobedi a tshwanetse a supa dikotsi le go tsweletsa dikgato tsa taolo go dira go re lefelo la tiro le babalesege. Ka mokgwa o, mothapi le badiri ba amega mo tsamaisong eo mo go yona baemedi ba boitekanelo le ba pabalasego ba ka tlhatlhobang lefelo la tiro gangwe le gape mme ba begele komiti ya boitekanelo le pabalasego eo mo letlhakoreng la yona, e ka neelang mothapi dikatlanegiso.
Go netefatsa go re tsamaiso e a dira, modiri mongwe le mongwe o tshwanetse a itse ditshwanelo tsa gagwe le ditiro jaaka di tlhagisiwa mo Molaong.
Molao o o itsegeng ka Molao wa Boitekanelo le Pabalesego ya mo Tirong wa 1993 (Molao wa bo 85 wa 1993) o bopilwe ke dikarolo di le 50 tse di amogetsweng ke Palamente. Maikaelelo a Molao o ke go tlamela batho ka boitekanelo le pabalasego mo tirong kgotsa tebang le tiriso ya polante le matšhini. Go ya pele o dira tlamelo ya go sireletsa batho ba ba seng mo tirong mo dikotsing tse di tswang kgotsa tsa ditiro tsa batho ba ba mo tirong.
Melawana e e farologaneng ya ditlhogo tse di rileng e phasaladiwa ke Lefapha la Badiri nako le nako go ya ka Molao.
Molao le Melawana e ka rekiwa go tswa kwa Bagatising ba Mmuso ka sebopego sa Kuranta ya Mmuso/Kasete kgotsa ka sebopego se se tshwaragantsweng go tswa mo baphasalatsing ba ba farologaneng.
Go re go netefadiwe boitekanelo le pabalasego ya badiri go tlhomilwe batlhankedi ba porofense mo diporofenseng tsotlhe. Go fitlha fa, batlhatlhobi ba boitekanelo le pabalasego go tswa mo diofising tse tsa diporofense ba dira ditlhatlhobo le dipatlisiso mo mafelong a ditiro.
Motlhatlhobi wa Lefapha la Badiri mo nakong ya tlhatlhobo o ne a fitlhela silintara ya gase e eme fela go na le go re e ka bo e gokeletswe mo lebotaneng kgotsa mo pilareng.
Ka tlwaelo ditlhatlhobo di a rulaganngwa go ya ka dipalopalo tsa kotsi, go nna teng ga dilo tse di kotsi jaaka tiriso ya bensini mo matlhatswetsong kgotsa tiriso ya dimatšhini tse di kotsi mo lefelong la tiro. Ditlhatlhobo tse di sa rulaganngwang mo letlhakoreng le lengwe di diriwa ka tlwaelo go tswa mo dikopong kgotsa mo dingongoregong tsa badiri, bathapi kgotsa ditokololo tsa setshaba. Dingongorego tse kgotsa dikopo di tsholwa mo sephiring.
Mo lebakeng la matshosetsi a kotsi, motlhatlhobi a ka thibela kgato e e rileng, tiro kgotsa tiriso ya matšhini kgotsa sediriswa ka tiriso ya kitsiso ya thibelo.
Ga go motho yo a tshwanetseng a kgathologa diteng tsa kitsiso ya go nna jalo mme tiragatso ya yona e tshwanetse ya diragala ka bonako.
Fa tshiamelo ya molawana e tlotswe, motlhatlhobi a ka nne a naya badiri kgotsa mothapi kitsiso ya tlolo. Tlolo ya Molao e ka baka tshekiso ya ka bonako, mme mo lebakeng la tlolo ya molawana, mothapi a ka newa tshono ya go siamisa tlolo mo nakong e e tlhomilweng e e totobaditsweng mo kitsisong mme ka tlwaelo ke malatsi a le 60.
Fa dikgato tsa boitekanelo le pabalesego tse mothapi a di dirileng di sa kgotsofatse tshireletso ya boitekanelo le pabalasego ya badiri, motlhatlhobi a ka batla go re mothapi a tlhome dikgato tse di tshwanetseng thata. Kitsiso ya tokafatso e e tlhalosang dikgato tsa paakanyo jaanong e newa mothapi.
Batlhatlhobi ba lefapha ba tlhatlhobile kgosomano ya Letsibogo la Coega kwa go suleng batho ba le 2 mme ga gobala ba le 23.
Go kgontsha motlhatlhobi go dira tiro ya gagwe, a ka nne a tsena mo lefelong lengwe le lengwe la tiro kgotsa moago o mo go ona go dirisiwang dimatšhini kgotsa dilo tse di kotsi mme a botsolotsa kgotsa a naya batho taelo go tlhagelela fa pele ga gagwe. Motlhatlhobi a ka kopa go re a fiwe lekwalo lengwe le lengwe, a batlisise le go dira dikgatiso tsa lekwalo leo le go batla tshedimosetso ka sengwe le sengwe se se kwadilweng mo lekwalong la go nna jalo.
Motlhatlhobi a ka tlhatlhoba gape maemo mangwe le mangwe kgotsa selo le go tsaya dikao tsa sona, le go gapa selo sengwe le sengwe se e ka nnang bosupi.
Ela tlhoko: Dithata tse di umakilweng fa godimo tsa batlhatlhobi ga di a felela.
Occupational Health and Safety, Department of Labour, Private Bag X117, Pretoria, 0001.
Mothapi o tshwanetse a dira eng go netefatsa go re tikologo ya tiro e babalesegile le go tlhoka dikotsi tsa boitekanelo jwa badiri ba gagwe?
Mothapi o tshwanetse a rebola le go tlamela didirisiwa tsotlhe tse di botlhokwa mo go direng tiro, mme ditsamaiso tsotlhe di tshwanetse tsa diriwa mo maemo a tiro a ka se ameng boitekanelo le pabalasego ya badiri. Pele didirisiwa tsa tshireletso ya sebele di ka dirisiwa, mothapi o tshwanetse go leka pele go tlosa kgotsa go fokotsa kotsi nngwe le nngwe ya boitekanelo le pabalasego ya badiri ba gagwe. Ke fela fa e le go re seno ga se kgonege fa go tshwanetseng ga dirisiwa didirisiwa tsa tshireletso.
Mothapi o tshwanetse a tsaya dikgato go sireletsa boitekanelo le pabalasego ya badiri ba gagwe kgatlhanong le dikotsi tse di bakegang go tswa mo tlhagisong, tlhamaganyong, tirisong, tshwarong, polokong kgotsa tsamaisong ya dilo kgotsa dimateriale, ka mantswe a mangwe, sengwe le sengwe se badiri ba ka golaganang le sona mo tirong.
rebola tshedimosetso e e tlhokegang, ditaelo, katiso le tlhokomelo le go ela tlhoko bokgoni jo badiri ba nang le bona.
diragatsa dikgato tse di tlhokegang tsa taolo mo kgatlhegelong ya boitekanelo le pabalasego.
modiri wa go nna jalo o tshwanetse a netefatsa go re dikgato tsa tlhokomelo di a diragatswa le go tlamelwa.
Diaparo tsa tshireletso di aparwa fela ke batho ba le babedi mme motho wa boraro o dira mo go yona tikologo eo kwa ntle ga maseke wa go sireletsa nko ya gagwe.
Mothapi o tshwanetse a bona go re modiri mongwe le mongwe o sedimoseditswe le go tlhaloganya sentle dikotsi tsa boitekanelo le pabalasego tsa tiro nngwe le nngwe e e diriwang, sengwe le sengwe se se tlhagisiwang, tlhamiwang, dirisiwang, bolokiwang, tshwariwang kgotsa se se tsamaisiwang, le sedirisiwa sengwe le sengwe, kgotsa matshini o o dirisiwang. Mothapi o tshwanetse a tlhagisa tshedimosetso ya dikgato tsa tlhokomelo kgatlhanong le dikotsi tse.
Mothapi o tshwanetse a itsise baemedi ba boitekanelo le pabalasego fa motlhatlhobi a mo itsise ka tlhatlhobo le dipatlisiso tse di tla diriwang mo lefelong. Mothapi o tshwanetse a itsise gape baemedi ba boitekanelo le ba pabalasego ka kopo nngwe le nngwe e e dirilweng ya kgololosego kgotsa kgololosego nngwe le nngwe e a e filweng go ya ka Molao. Kgololosego e raya go gololwa mo ditshiamelong dingwe tsa Molao, melawana, dikitsiso kgotsa ditaelo tse di dirilweng go ya ka Molao.
Mothapi o tshwanetse a itsise ka bonako jo bo kgonagalang baemedi ba boitekanelo le pabalasego ka tlhagelelo ya tiragalo mo lefelong la tiro. Tiragalo ke seo se diragalang mo lefelong la tiro seo motho a swang mo go sona, a gobalang kgotsa a lwalang. Gape ke go tshologa ga khemikale e e kotsi, sekao, fa formaldehyde e dutla mo tankeng (kumo ya khemikale e e dirisiwang mo madirelong) ka ntlha ya belefe e e phoso, kgotsa fa matšhini o tswa mo taolong mme o sa bolaye kgotsa go gobatsa mongwe.
Sireletsa mmele wa gago ka go apara mo dinakong tsotlhe diaparo tse di tshwanetseng tsa tshireletso ya tlhogo, diatla, mmele le maoto, jalo le jalo.
Dilo tsa bona di babalesegile mme ga di na kotsi mo boitekanelong le go diragatsa ditlhokego tsotlhe tse di tlhomilweng.
Fa sepopego kgotsa selo se tlhongwa mo lefelong lengwe le lengwe, e tshwanetse ya nna ka mokgwa o o ka se bakeng maemo a a sa babalesegang kgotsa kotsi ya boitekanelo.
Silintara ya gase e e thuntshetsng ka ntlha ya molelo.
ditsamaisong fa go ka diragala kotsi.
Fa motho yo a rekiseditsweng selo kgotsa materiale kgotsa a tlametswe ka ona a supa ka go kwala go re o tla tsaya dikgato tse di totobaditsweng go netefatsa go re selo kgotsa materiale se tla diragatsa ditlhokego tse di beilweng mme se tla babalesega kwa ntle ga go nna kotsi mo boitekanelong, ditiro tsa moromelateng, moakanyetsi, morekisi, motlamedi kgotsa motlhami se tla wela mo mothong yo a ikemiseditseng go tsaya dikgato tsa go nna jalo.
Sekao sa go dirisa sekhafoleding mo maemong a a sa amolesegeng gotlhelele le ka tsela e e kotsi.
tlhokomela boitekanelo le pabalasego ya gagwe mmogo le ya batho ba bangwe ba ba ka amiwang ke dikgato tsa gagwe kgotsa botlhaswa ba go tsaya kgato. Se se akaretsa go tshameka mo tirong.
Fa a amegile mo tiragalong e e ka amang boitekanelo jwa gagwe kgotsa ya baka kgobalo o tshwanetse a bega tiragalo eo kwa mothaping, motho yo a filweng dithata kgotsa moemedi wa boitekanelo le pabalasego ka bonakonako, mme seo se tshwanetse sa bo se dirilwe pele ga bokhutlo ba nako ya go dira.
maemo a boitekanelo le pabalasego a mothapi a tshwanetseng a a tshola mo lefelong la tiro.
ditsamaiso tse di tshwanetseng go latelwa fa modiri a golagana le dilo tse di kotsi mo boitekanelong.
Modiri a ka kopa go re ngaka ya gagwe ya kalafi ya poraefete e batlisise direkoto tsa gagwe tsa kalafo le kamego.
Fa modiri e le moemedi wa boitekanelo le pabalasego, a ka batlisisa le go tshwaela ka go kwala ka tshekatsheko ya kamego le pegelo ya kelotlhoko.
Fa modiri e le moemedi wa boitekanelo le pabalasego a ka nne a pata motlhatlhobi wa boitekanelo le pabalasego go tswa Lefapheng la Badiri mo nakong ya tlhatlhobo ya lefelo la tiro le go araba dipotso dingwe le dingwe tse motlhatlhobi a ka di botsang.
Modiri a ka tshwaela kgotsa a tlhagisa dintlha mo molaong mongwe le mongwe kgotsa maemo a pabalasego a a phasaladitsweng go ya ka Molao wa Boitekanelo le Pabalasego ya mo Tirong.
modiri o file bopaki mo Kgotleng ya Badiri kgotsa Kgotla ya Molao mo mererong e e amanang le boitekanelo le pabalasego.
Go baka kgonagalo ya maemo a a kotsi mo ntlheng ya dipolaka tse pedi mme e seng tse tlhano jaaka mo setshwantshong.
Modiri a ka dira boikuelo kgatlhanong le tshwetso ya motlhatlhobi. Boikuelo bo tshwanetse ba lebisiwa ka go kwala go Chief Inspector, Occupational Health and Safety, Department of Labour, Private Bag X117, Pretoria, 0001.
Maikarabelo a go se kgoreletse kgotsa go dirisa selo botlhaswa.
Ga go ope yo a tshwanetseng a kgoreletsa kgotsa go dirisa selo botlhaswa se se rebotsweng mo kgatlhagelong ya boitekanelo le pabalasego. Jaaka sekao, motho ga a tshwanela go tlosa sesireletsi sa pabalasego mo matšhining le go dirisa matšhini kgotsa go letla mongwe go o dirisa ntle le sesireletsi sa go nna jalo.
Baemedi ba boitekanelo le pabalasego ke bo mang?
Ke badiri ba leruri ba ba supilweng kgotsa ba ba kgethilweng le go newa dithata ke mothapi ka go kwala morago ga go re mothapi le badiri ba buisane le go fitlhelela tumalelano ya go re ke bo mang ba ba tla nnang baemedi ba boitekanelo le pabalasego. Ba tshwanetse ba itse mabaka le maemo mo karolong eo ya lefelo la tiro le ba le tlhophetsweng.
Go tshwanetse ga fitlhelelwa le tumalelano mo pakeng ya ofisi le ditiro tsa moemedi wa boitekanelo le pabalasego mme seo se tshwanetse sa siamisiwa gareng ga mothapi le badiri.
Go tlhatlhaganngwa ga materiale go tshwanetse ga diriwa ka mokgwa o o ka se bakeng kotsi ya modiri mongwe le mongwe.
Ke baemedi ba le ba kae ba boitekanelo le pabalesego ba ba tshwanetseng go tlhophiwa?
Moemedi a le mongwe wa boitekanelo le pabalasego o tshwanetse a tlhomelwa lefelo lengwe le lengwe la tiro le le bopilweng ke badiri ba le 20 kgotsa go feta. Ka ntlha ya moo fa go thapilwe badiri fela ba le 19 ga go tlhokege go re go tlhomiwe moemedi.
Mo lebakeng la mabenkele le diofisi go tshwanetse ga tlhomiwa moemedi a le mongwe mo badiring ba le 100 kgotsa karolo ya bona.
Sekao, moemedi a le mongwe o tshwanetse a tlhomiwa mo tiragalong ya badiri ba le 21 go fitlha ba le 100. Baemedi ba le babedi ba tshwanetse ba tlhomiwa fa go thapilweng badiri ba le 101 go fitlha go ba le 200.
Mo lebakeng la mafelo a mangwe a tiro, moemedi a le mongwe o tshwanetse a tlhomiwa mo badiring bangwe le bangwe ba le 50 kgotsa karolo ya bona. Sekao, moemedi a le mongwe o tshwanetse a tlhomiwa mo lebakeng la badiri ba le 21 go ya go ba le 50. Baemedi ba le babedi ba tshwanetse ba tlhomiwa fa go thapilweng badiri ba le 51 go ya go ba le 100.
Go ya ka mabaka, motlhatlhobi a ka batla go tlhomiwa ga baemedi ba le ba ntsi, tota le mo lebakeng la fa palo ya badiri e le kwa tlase ga 20. Sekao, sebopego sa polante se ka nna sa maemo ao mo go ona moemedi a le mongwe fela a ka se lekaneng badiri ba le 50. Motlhatlhobi a ka nne a tlhoka go tlhomiwa ga baemedi ba ba ntsi. Le fa go le jalo, fa mothapi le badiri ba dumela go ka nne ga tlhomiwa palo ya baemedi e e fetang e e laetsweng.
Baemedi ba boitekanelo le ba pabalasego ba tshwanetse ba tlhomiwa leng?
A o ntse o itse go re pabalasego ya ditsela tsa kheibole ke nngwe ya ditiro tsa mo tirong tsa motlhatlhobi wa boitekanelo le pabalasego?
Mo dikgweding di le nne morago ga go simolola ga kgwebo ya mothapi, mothapi yo a nang le badiri ba ba fetang 20, yo kgwebo ya gagwe e ntseng e dira kwa tlase ga dikgwedi di le nne ga go tlhokege go re a tlhome baemedi. Mo tiragalong, fa re naya sekao, eo mo go yona go thapiwang badiri ba setlha mo dipolaseng mme seo se baka go re palo ya badiri e fete 20 mo pakeng e e kwa tlase ga dikgwedi di le nne, go tlhomiwa ga baemedi le gona ga go tlhokege.
Baemedi ba boitekanelo le pabalasego ba tshwanetse ba dira leng ditiro tsa bona?
Ditiro tsotlhe tse di amanang le boemedi, tiro le katiso ya baemedi e tshwanetse ya diriwa mo diureng tsa tlwaelo tsa tiro.
Baemedi ba boitekanelo le pabalasego ba ka dira eng?
Baemedi ba ka supa dikotsi tse di ka nnang teng mo lefelong la tiro le go di bega kwa komiting ya boitekanelo le pabalasego kgotsa kwa mothaping.
Baemedi mmogo le mothapi ba ka batlisisa ditiragalo kgotsa dingongorego go tswa mo badiring tse di amang boitekanelo le merero ya pabalasego le go di bega ka go kwala.
Maemo a a kotsi. Sekhafoleding ga se a golegelelwa mo kagong mme diaparo tsa tshireletso ga di a aparwa.
Baemedi ba ka tlhagisa dintlha tebang le pabalasego mo lefelong la tiro kwa mothaping kgotsa kwa komiting ya boitekanelo le pabalasego mme fa dintlha tseo di sa amogelwe di ka tlhagisiwa kwa motlhatlhobing.
ka tumelo ya mothapi wa gagwe a ka patiwa ke mogakolodi wa setegeniki mo nakong ya tlhatlhobo.
Baemedi ba tshwanetse ba tsenela dikopano tsa komiti ya boitekanelo le pabalasego.
Maikemisetso a dikomiti tsa boitekanelo le pabalasego ke afe?
Ditokololo di kopana go re di simolole, di tsweletse, di tshegetse le go sekaseka dikgato tsa go netefatsa boitekanelo le pabalasego ya badiri.
Dikomiti tsa boitekanelo le pabalasego di tshwanetse tsa tlhomiwa leng?
Bonnye go tshwanetse ga tlhomiwa komiti e le nngwe fa go tlhomilwe baemedi ba le babedi kgotsa go feta.
Komiti ya boitekanelo le pabalasego e bopilwe ke ditokololo di le kae?
fa go tlhomilwe dikomiti di le pedi kgotsa go feta mo lefelong la tiro, moemedi mongwe le mongwe e tshwanetse ya nna tokololo ya bonnye jwa e le nngwe ya dikomiti tseo.
Ka ntlha ya moo moemedi mongwe le mongwe e tshwanetse ya nna tokololo ya komiti. Mothapi a ka nne a ikgethela batho ba bangwe go mo emela mo komiting mme bakgethiwa ba go nna jalo ga ba tshwanela go feta palo ya baemedi ba ba tlhomilweng mo komiting eo.
Fa e le go re motlhatlhobi o akanya go re palo ya dikomiti mo lefelong la tiro ga ya lekana, a ka nne a tlhomamisa go tlhongwa ga dikomiti tsa tlaleletso.
Baemedi ba boitekanelo le pabalasego ba kopana go le kana kang?
Ba kopana fa go tlhokega, mo bonnyeng jwa gangwe mo dikgweding dingwe le dingwe di le tharo. Komiti e swetsa ka nako le lefelo. Le fa go le jalo, fa 10% ya badiri kgotsa go feta e tsenya kopo ya kopano kwa motlhatlhobing, motlhatlhobi a ka laela go re kopano ya go nna jalo e tshwarwe mo nakong le mo lefelong le le tlhomamisitsweng ke ena.
Ke mang a tlhomamisang tsamaiso mo kopanong?
Ditokololo tsa komiti di tlhopha modulasetilo le go tlhomamisa paka ya gagwe ya ofisi, tsamaiso ya kopano, jalo le jalo.
A dikomiti tsa boitekanelo le pabalasego di ka golagana le baitseanape go bona kgakololo?
Ee, dikomiti di ka tsenyeletsa batho jaaka ditokololo tsa bogakolodi ka ntlha ya kitso le bokgoni mo mererong ya boitekanelo le pabalasego. Le fa go le jalo, tokololo ya bogakolodi ga e na tshiamelo ya go bouta.
Dikomiti tsa boitekanelo le pabalasego di dira eng?
Dikomiti di dira fela ka merero ya boitekanelo le pabalasego mo lefelong la tiro kgotsa dikarolo tsa lona ka ntlha ya fa dikomiti tsa go nna jalo di tlhometswe morero oo.
Lebati la tshoganyetso la go phologa ga le a tshwanela go tlhakatlhakana le go notlelwa jaaka le.
Komiti e tshwanetse ya dira dikatlanegiso kwa mothaping ka boitekanelo le pabalasego ya badiri. Fa e le go re dikatlanegiso tse ga di bake tharabololo ya lebaka, komiti e ka dira dikatlanegiso kwa motlhatlhobing.
Komiti e tshwanetse ya buisana ka tiragalo nngwe le nngwe e e bakang kgobalo, bolwetse kgotsa loso la modiri mongwe le mongwe mme e ka e bega ka go kwalela motlhatlhobi.
Komiti e tshwanetse ya tshola rekoto ya katlanegiso nngwe le nngwe e e dirilweng mo mothaping le pegelo nngwe le nngwe e e dirilweng mo motlhatlhobing.
Ditokololo tsa komiti di tshwanetse tsa dira tiro e nngwe le e nngwe e molawana o e tlhokang mo go tsona.
Mothapi ga a tshwanela go dira diphokotso dipe go tswa mo moputsong wa modiri tebang le sengwe le sengwe se a tlhokang go se dira go ya ka Molao mabapi le boitekanelo le pabalasego.
Fa ngaka ya kalafi e tlhatlhoba kgotsa go alafela mongwe bolwetse bo e belaelang bo bakilwe ke kwa modiri yoo a thapilweng gona, ngaka ya kalafi e tshwanetse ya bega kgetse eo kwa mothaping wa modiri le kwa Motlhatlhobimogolong.
Lefelo le batho ba le 11 ba bolailweng ke molemo mo go lona ka ntlha ya go tlhoka tsela ya go phologa go nne lefelo la tiro le ne le notletswe go tswa kwa ntle.
Bathapi le badiri ba tshwanetse ba diragatsa dikaelo, dipiletsatshekong, dikopo kgotsa ditaelo tsa batlhatlhobi. Go tlaleletsa, ga go ope yo a tshwanetseng a thibela mongwe fela go dira seo.
Dipotso tsa motlhatlhobi di tshwanetse tsa arabiwa, mme ga go ope yo a patelesegang go araba potso e a bonang go re e ka nne ya mo rwesa molato. Go ithwesa molato go kaya go re o tshikhinya go re o rwala maikarabelo a tlolo molao.
Fa motlhatlhobi a batla jalo, o tshwanetse a fiwa tsotlhe tse di tlhokegang le go newa thuso e a ka e tlhokang go dira patlisiso. Motlhatlhobi a ka nne a kopa gape go re dipatlisiso di tsenelwe ke batho ba ba ka thusang motlhatlhobi ka patlisiso. Ga go ope yo a tshwanetseng go tlhapatsa motlhatlhobi kgotsa go kgoreletsa patlisiso ka maikaelelo.
modiri ga a dira go ya ka maemo a bokgoni jwa gagwe, ka mantswe a mangwe, modiri o dirile sengwe se a itseng go re o ne a sa tshwanela go se dira.
Tse di fa godimo di ama le monewa dithata wa mothapi, sekao, sapokonteraka, kwa ntle ga go re makoko a dumalane go le pele ka go kwala go re monewa dithata o tla diragatsa jang ditshiamelo tsa Molao.
<fn>DST_PAIA_MANUAL_TSWANA_2009.txt</fn>
Kaedi e, e e phasaladitsweng mo dipuong tsotlhe tsa semmuso ke Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho tsa Aforika Borwa mme e tlhabolotswe bogolo gangwe ka ngwaga, e ikaeletse go thusa maloko a setšhaba mo go diragatseng tshwanelo ya bona ya molaotheo ya phitlhelelo kwa tshedimosetsong.
Kaedi e na le dintlha tsa: . Tshedimosetso yothle ya dikantoro tsa setšhaba le mekgatlho ya poraefete . Diaterese le dintlha tsa kgolagano tsa tseo.
Go nna teng le Phitlhelelo kwa Kaeding: Kaedi e teng go sekasekwa go tswa: . dilaeboraring tsotlhe tsa setšhaba . Webosaete ye Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho tsa Aforika Borwa.
Lenane la ditlhopha tsa direkoto tse di leng teng kwa bathong ntle le go kopa phitlhelelo go ya ka Molao wa Kgodiso/Tsholetso ya Phitlhelelo kwa Tshedimosetsong le tshwaragantswe jaaka tlhabololo B ya teng.
Gofitlha fam tona ga baya ditlhokego dipe tsa tshedimosetso e e tlaleletsang.
<fn>DynamicAction.txt</fn>
Ke filwe tshono e go ala phate, ke baakanyetsa Motlotlegi Premier Mme Maureen Modiselle yo e tla reng moragonyana a bo a nela ka puo ya letsatsi le go ama setshaba se se leng fa ka lefoko. Letsatsi la gompieno ke le le golo mo go rona rotlhe. Le le golo thata mo go rona ka gonne ke ketikiwa lefatshe lotlhe jaaka segopotso sa twantsho ya go anama ga mogare wa HIV le AIDS. Ka jalo, Letsatsi la la Boditshaba Tshaba la AIDS eleng di 1 December 2009, le tshwaya segopotso sa bo 22 fa e sa le World AIDS Day e tshwara lantlha ka 1988. Se se go bontsha go re re tswa kgakala mo ntweng ya rona re le Porofensi ya Bokone Bophirima, Naga ya Africa Borwa, Kontinente ya Afrika le Lefatshe ka bophara.
Fa re lebelela ko re tswang teng, re ka dumalana ka bongwe jwa pelo fela go re ke go le gontsi moo lefatshe, Afrika le naga ya rona ya Aforika Borwa e setseng e go dirile go phasalatsa molaetsa le go tsibosa bagaetsho ka bolwetsi jwa HIV le AIDS. Re a dumalana gape go re ke go le gontsi mo re santseng re tshwanelwa ka go go dira go thibela kanamo ya HIV le AIDS.
Maitlhomo magolo ya letsatsi le la gompieno ke godisa seemo sa go tsiboga le tshedimosetso ka HIV le AIDS lefatshe ka bophara. Ke go leka ka thata gape go rotloetsa batho botlhe go nna le seabe le go tsaya maikarabelo a matshelo a rona ka go diragatsa thobalano e e babalesegileng.
Moono wa Letsatsi la Boditshabatshaba la Segopotso sa HIV le AIDS wa monongwaga o totile thata ntlha e ya go tsaya maikarabelo. Re bua gore, "Ke na le Maikarabelo, Re na le Maikarabelo, South Africa e tsaya Maikarabelo". Molaetsa o o tlisiwang ke moono o wa gompieno ke go bontsha go re, le fa re setse re itse rotlhe ka kokwanatlhoko ya HIV le ditlamorago tsa thobalano e e sa sireletsegang, batho ba le bantsi ba santse ba tlhoka go tsaya maikarabelo go fedisa botlhaswa mo thobalanong. Ke solofela go re rotlhe re tla simolola go tsaya molaetsa o tsiya.
Maloba fela pele ga letsatsi la Moletlo wa Partnership Against AIDS, Health Minister, Dr Aaron Motswaledi o ne a ntsha Pegelo ya Bosetshaba ya Ngwaga le Ngwaga ya Dikgetse tsa HIV le AIDS. Pegelo e, e ne e bontsha sentle fela go re re santse re itemogela kanamo ya mogare le dikgetse tse dintshwa tsa HIV le AIDS. Mme le gale, re ka re dipalopalo tse di shwa tse di ntshitsweng ke Minister di bontsha fa maemo a sa etelesege ka lebelo le le ko godimo.
Ke kamo gompieno re gatelelang thata go re, a re nne le maikarabelo!
Moradisi, ke tsaya sebaka se gape go gopotsa setshaba se se leng fa go re re kopana jaana gompieno re le mo nakong ya malatsi a le a 16 Days of Activism for No Violence Against Women and Children. Ntlha e ya go re Bomme ba le bantsi ba itemogela tshwaetsego ya Mogare wa HIV e ka tshwantshangwa fela le tshotlakako ya Basadi le Bana. Bomme ke bona gantsi ba tsayang maikarabelo a tlhokomelo ya malapa le bana mme fa ba setse ba fela ka ntlha AIDS, bana ba le bantsi ba fetoga dikhutsana. Jaanong, a re rotletseng that thibelo ya kanamo ya mogare go fokotsa tshwaetsego ya Bomme.
Moono wa gompieno o gatelela thata yone ntlha e ya go fetola maitsholo a sa siamang segolobogolo mo thobalanong. Go mo go rona Bagaetsho, "A re nneng le Maikarabelo!"
Ke a leboga!
<fn>FINAL QP - Setswana HL P3 - November 2007.txt</fn>
Pampiri e, e na le ditsebe di le 7.
KAROLO YA B: Ditlhangwa tse dileele tsa tirisano gammogo le ditlhangwa tse di dirisang mekgwa e e farologaneng ya tlhaeletsano.
KAROLO YA C: Ditlhangwa tse dikhutshwane tsa tirisano/ tshupetso/tshedimosetso /pono/ gammogo le ditlhangwa tse di dirisang mekgwa e e farologaneng ya tlhaeletsano.
Baithuti ba tshwanetse go araba potso e le NNGWE go tswa mo karolong nngwe le nngwe.
Karolo nngwe le nngwe e simololwe mo tsebeng e ntšhwa mme kwa bokhutlong jwa karabo moithuti a thalele.
Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang.
Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo.
Baithuti ba tla abelwa maduo a go dira lenane la thulaganyo, go tsereganya le go buisa gape tiro ya bona pele ba kwala.
Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 400-450 ka ga NNGWE fela ya ditlhogo tse di latelang kgotsa ditshwantsho tse di neilweng. Fa o dirisa setshwantsho go kwala tlhamo, se neele setlhogo se se maleba.
Setshwantsho se bontsha fa bašwa ba le bantsi ba ineeletse nnotagi le diritibatsi. Re ka kganela jang go etegela ga bothata jo.
Mmangwana o tshwara thipa ka fa bogaleng. Anela.
Fa nka bo ke le Tona ya Lefapha la Thuto nka bo ke...
Puso e simolotse lenaneo la go neelana ka madi a tlamelo ya bana. Kwala tlhamo ya ngangisano, mme o tlhagise ditlamorago (tse di molemo le tse di bosula) tsa lenaneo le.
Moithuti mongwe o ne a belaela gore o tshwaeditswe ke bolwetse jwa Lebolelamading. Kwala tlhamo ya mmuisano magareng ga ngaka le moithuti yo.
Tlhalosa tiragalo e e boitshegang e o se kitlang o e lebala.
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong ya B, karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 180 - 200.
Sekaseka setshwantsho se se latelang, mme morago o kwale lekwalokopo la tiro e e supiwang ke setshwantsho se.
Go phatlhatiro nngwe e o e boneng e phasaladitswe mo lokwalodikgang lwa bokhutlo jwa beke. Itlhamele lokwaloikitsiso lo o tla lo dirisang go dira kopo ya tiro e.
Setlamo sengwe se se itsegeng mo Aforika Borwa ka bophara se lemogile fa o na le bokgoni jwa go bua le batho. Jaanong o kopilwe go bua le setshaba sa gaeno mabapi le ditiragalo tse di diragalang mo setshwantshong se se fa tlase se. Neelana ka Pegelo.
Go na le dipelaelo tsa tiriso e e botlhaswa ya madi ka batlhankedi ba puso. Jaaka mokwaledi wa mokgatlho wa baagi, kwala Puo e o ka neelanang ka yona mo kopanong ya baagi.
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong ya C, karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 120 - 150.
Thala papetlana ya papatso e mo go yona o gogelang bareki gore ba reke matlo mo lefelong la gaeno.
O mokaedimogolo wa maeto a a kgakala mme o dira mo karolong ya bana ba dikolo. Naya tshedimosetso e o ka neelanang ka yona ya loeto go tswa mo toropong ya lona go ya kwa tikwatikweng ya mabenkele a a gaufi.
Laletsa tsala ya gago go tla moletlong wa lenyalo la ga mogoloo.
<fn>Forestry Vision in Setswane.txt</fn>
Ponelopele e kaya eng?
Ponelopele e baya batho, matshelo, maatla le ditšhono tsa tlhabololo ya bona jaaka motheo wa tlamelo ya ditirelo tse di tla thusang go fokotsa botlhoki.
Re tlhagisa DWAF jaaka setheo se se etelelang pele mo go tlhameng tikologo e e nang le tlhabololo ya ikonomi le loago ka dikgwa tse di tswelelang go nna teng. Se se akaretsa bao ba dirang ka tlhamalalo mo maemong a tsa dikgwa (kwa Kantoro Kgolo le maemo a Ditlhopha) le badiri ba bangwe ka kakaretso ba setheo sa DWAF ba diabe le maikarabelo a bona di amang tiriso ya tikologo.
E lebelela ka moo pholisi le peomolao tse di maleba di rotloetsang ditlhagiswa tse di siameng tsa batlhoki, ka moo ditsamaiso tse di amanang le se tsa birokerasi di ka fitlhelelwang le gore di dirilwe jang, le gore sebopego le tsamaiso ya mebaraka mo ditlhokegong tsa baungwisi ba e leng gone ba simololang kgotsa ba ba ntshang dikumo tse dinnye.
E akaretsa ditsela tse mmalwa tseo botsamisi jwa dikgwa (le ditsamaiso tse dingwe tse di tsamaelanang) bo ka amang maphata a a farologaneng a tlhabololo ya ikonomi le loago jaaka karolo ya tsamaiso ya go lwantsha botlhoki. Se se akaretsa lotseno le maemo a mangwe a loago a botlhoki le kgonagalo ya dingwa ya go tokafatsa matshelo.
Gore tlhabololo ya loago, ikonomi le tikologo ya dikgwa tse di tswelelang go nna teng e nne mokgwa oo re o dirisang go fedisa botlhoki.
E lebile go kopanya mokgwa wa "dikgwa tsa batho" mo thulaganyong, tsa ditšhelete le ditsamaiso tsa go tsenyatirisong ga ditheo tsa tirelo tsa go diragatsa mo maemong a selegae.
<fn>GCIS.10ReasonsToTestForHivAids.2010-10-19.tn.txt</fn>
Ke na le maikarabelo.
Re na le maikarabelo.
Aforika Borwa e tsaya maikarabelo.
Mabaka a le 10 a gore goreng JAANONG e le nako ya go dira diteko...
HIV e ka alafiwa le go thibelwa. Tsaya maikarabelo mme o dire diteko gompieno.
Go dira diteko tsa HIV le kalafi ke mahala kwa ditleliniking TSOTLHE tsa mmuso.
Fa o na le mogare wa HIV, o ka tshela botshelo jo bo itekanetseng.
Fa o se na mogare wa HIV, o ka itshireletsa kgatlhanong le tshwaetso.
O ka itshireletsa le ba bangwe kgatlhanong le tshwaetso ya HIV - ka gale dirisa mesomelwana mme o fokotse palo ya barobalani.
Go dira diteko mmogo le molekane wa gago go tlhola botshepegi le tlotlo.
Nna sekai mo go balelapa le ditsala tsa gago. Dira diteko gompieno mme o rotloetse ba bangwe go dira jalo.
Ga go na ngwana yo o tshwanetseng go belegwa a na le HIV. Go na le molemo o o ka thibelang se, FELA o tshwanetse go itse kemo ya gago ya HIV go sa le gale mo boimaneng jwa gago.
Fa o na le TB, o ka tswa gape o na le HIV. Netefatsa gore o dira diteko tsa HIV. Fa o na le HIV, netefatsa gore o dira diteko tsa TB.
Aforika Borwa e tsaya maikarabelo a boitekanelo jwa gago. O ya go tsaya leng maikarabelo mme o dire diteko?
Fa o sa tshwaetsega itshireletse mme o ikilele - mme o nne fela jalo.
<fn>GCIS. ConfedCupLeaflet.2010-10-19.tn.txt</fn>
Re naga ya bobedi mo lefatsheng go ka tshola dijana tsa lefatshe tsa kherikhete, rakibi le kgwele ya dinao.
Mabala a metshameko ke a a itumedisang thata mo lefatsheng mme otlhe a tla tshola go feta 570 000 ya batho.
Lebala la Metshameko la Moses Mabhida kwa Thekwini le na le marulelo a tshipi a 105 m kwa godimo ga bogare jwa lebala, mme ka go dirisa koloi ya go tsamaya ka mogala, babogedi ba tla iphina ka pogelo e ntle ya Lewatle la Intia.
Soccer City kwa Johannesburg e tshwana le sego, moselo wa se-Aforika wa go nwela. Karolo ya bontle e ralalaga 43 000 m2 mme e tla dirwa go tsweng go didiriswa tsa tlholego tse di somarelang motlakase. Ke lebala la metshameko le legolo thata mo Aforika, le tshola bontsi jwa 95 000.
Lebala la Metshameko la Mbombela kwa Nelspruit le agilwe mo kgaolong e e itsegeng ka bontle jwa tlhago le diphologolo, gaufi le Serapa sa Bosetšhaba sa Kruger. Ponagalo ya sone ya tshaeno ke marulelo a le 18 a a emelang dithutlwa.
Mabala a metshameko a a tlhabololwa, a mangwe jaaka mafelo a ikatiso.
Lebala la Metshameko la Olympia Park kwa Rustenburg.
O ne o itse?
R25 million e tla beeletswa mo tlhabololong ya ditlhopha go kgabaganya mefuta ya metshameko, bogolosegolo mo baaging ba ba humanegileng, go ribolola le go nonotsha ditalente tsa rona tsa metshameko, le go tokafatsa bogaisane jwa rona jwa metshameko.
R212 million e beeletswa mo metshamekong ya kwa dikolong le ya setšhaba mo pakeng e e lebisang kwa go 2010.
Lenaneo la Dikolo le tla tlisetsa Sejana sa Lefatshe sa FIFA maitsholo a motshameko o o amogelesegang, mekgwa ya botshelo e e itekanetseng le ditsodintsi go bana ba dikolo ba le dimilione di le 12 ka metshameko, botsweretshi le setso.
Dibilione dingwe di le R11,7 di beeleditswe mo lenaneong la mafaratlhatlha a dipalangwa go netefatsa go eta go go edileng ga balatedi, ditlhopha le bobegakgang. Diporojeke tsa Sejana sa Lefatshe sa FIFA sa 2010 ke karolo tshwaragano ya peeletso kakaretso mo dipalangweng, tseo di fetolang thulaganyo ya rona ya dipalangwa gore e tswele banamedi le ikonomi mosola wa paka telele.
Tokafatso ya ditsela tsa rona, seporo le ditsela tsa dibese e tla tlamela ka thulaganyo e e golaganeng ya dipalangwa. Se se akaretsa go tlhama dilo tse dintšhwa jaaka Thulaganyo e e Potlakileng ya Tsamao ya Diterena le Dibese, tseo di akaretsang mela e e kgethegileng ya dipalangwa tsa botlhe le ditsela tsa thefosano tsa bapalami go kgona go fetola mefuta ya dipalangwa. Sejana sa Lefatshe sa FIFA sa 2010 se tla simolola tiriso ya thekethe ya eleketeroniki e e golagantsweng, eo e tla thusang bapalami go dirisa thekethe e le nngwe go fitlhelela dibese, diterena le dithekisi.
Sathalaete ya mafaratlhatlha a lefelo la difounu le tlhaeletsano ya megala ya Sejana sa Lefatshe e tla thusa bokgoni jwa phetiso ya 40 gigabytes ka motsotswana mme e tla dirisiwa morago ga 2010 go tlamela ka ditirelo tsa lekhubu le le atolositsweng.
Tikwatikwe ya Boditšhabatšhaba ya Kgaso kwa Johannesburg e tla nna tikwatikwe-kitso ya bobegakgang, e amogela phetiso ya kgaso go tswa kwa mabaleng a metshameko le go e phatllalatsa go ralala lefatshe.
Tikwatikwe-kitso ya bobegakgang e akaretsa "lefelo" la dikotlolo tsa sathalaete tse di akaretsang sekgala sa 5 000 m². Koketsego ya babogedi ba thelebišene e tla fitlhelela go dibilione di le 26,9.
O ne o itse?
Moono wa rona wa Sejana sa Lefatshe sa 2010 ke KE NAKO. Keteka Botho jwa Aforika. "Ke Nako" ke lefoko la Sesotho, Sesotho sa Leboa le Setswana go kaya "ke nako". Ke boikuelo jwa go keteka Aforika jaaka tshimologo ya botho le go nna le seabe ga yone mo morerong mongwe le mongwe wa tsweletso ya botho.
La ntlha mo hisetoring, FIFA e dirisa marobalo ao e seng a hotele, jaaka diphaka tsa bosetšhaba, maroko-le-difitlholo, diloje le dintlo tsa baeng.
Re setse re na le diphaposi tse di tlhabolotsweng di le 80 000 - tse dintsi thata go kgonana le palo ya 55 000 e e tlhokang ke FIFA.
Naga e tla nna le tlhokomelo ya kalafi kwa mafelong a semmuso, ditirelo tsa tshoganyetso tsa kalafi tsa diura di le 24 le ditirelo tsa boditšhabatšhaba le tsa selegae tsa bolebeledi jwa go runya ga malwetse.
go tla refosiwa diamolantshe di le 450.
Ga go sepe seo se tla tlogelwang fela mo go sireletseng ditiragalo le naga ya rona.
ditikwatikwe di le nne tsa thekenoloji ya maemo a a kwa godimo di tla amogela kgaso ya ka gangwe go tswa mo difofaneng le dikhereng dingwe.
masole a a boikanyo a batlhankedi ba le 41 000 a tla thapelwa fela Sejana sa Lefatshe sa FIFA sa 2010.
O ne o itse?
Ka Pitsokgolo ya Lefatshe ya Tlhabololo e e sa Kgaotseng, Aforika Borwa e simolotse mokgwa wa tshireletso o o amogetsweng jaaka malebela a mantšhwa a boditšhabatšhaba - mme o setse o amogetswe ke Ditšhaba Kopano jaaka sekai sa yone mo ditiragalong tse kgolo.
Dibilione di le R1,5 di beeletswa mo go tokafatseng magorogelo, mme dipaakanyo tsa Sejana sa Lefatshe sa FIFA sa 2010 di tokafatsa dithulaganyo tsa bofudugedi go nolofatsa go tsena le go tswa ga batho mo nageng.
Re tla nna le di visa tse di ikaeletseng fela tiragalo tseo di tla kgontshang bao ba tshotseng dithekete go tsena mo nageng bonolo.
Se se akaretsa go itlhaganedisa thulaganyo ya bofudugedi kwa bogorogelong ka ditsela "potlakiso" le tsweletso ya maemo a a kwa godimo ya bapalami fao baeti ba lekolwang pele ba palama sefofane go ya kwa ba yang gone.
Bokana ka ditiro di le 415 000 di tla tlhodiwa ka go tshola dithonamente.
Go setse go tlhodilwe ditiro tse dintšhwa di le 80 000 mo madirelong a tsholô le 40 000 mo madirelong a boagi.
Bokana ka dibilione di le R55,7 di tla tlaleletsa dikuno tsotlhe tsa rona tsa selegae ka 2010.
Bokana ka dibilione di le R2 tsa madi a a dirisiwang mo mabaleng a mantšhwa a metshameko di tla tswela mosola malapa a lotseno le le kwa tlase.
Bokana ka dibilione di le R8,5 billion di tla dirisiwa ke baeti ba boditšhabatšhaba mo Aforika Borwa ka 2010. Magareng ga 2007 le 2015, Aforika Borwa e tla amogela baeti ba tlaleletso ba boditšhabatšha ba le dimilione di le pedi ka ntlha ya go tshola dithonamente.
Se itsege jaaka moletlo wa ditshimega, seeledisa Sejana sa Lefatshe sa FIFA sa 2010 se tshamekiwa magareng ga bafenyi bangwe le bangwe ba dithonamente tsa kgaolo tsa Sejana sa Motlhakanelwa sa FIFA, bafenyi ba Sejana sa Lefatshe sa FIFA se se fetileng le moamogedi yo o latelang wa Sejana sa Lefatshe sa FIFA. Ka go kopano e e itumedisang ya ditlhopha tsa maemo a lefatshe - go akaretsa ditlhopa di le tharo tsa ditlhopa di le nne tse di itlhomileng kwa godimo -le maatla a setšhaba se se nang le maikutlo a a kwa godimo a kgwele ya dinao, Sejana sa Motlhakanelwa sa FIFA ke maitemogelo a a sa tshwanelang gore a go fete.
Egypt ke nngwe ya ditlhopha tse di itshupileng mo kgweleng ya dinao ya Aforika Borwa. Ke setlhopha se se atlegileng thata mo hisetoring ya Sejana sa Dinaga tsa Aforika ka dithaetlele di le thataro. Mokatisi: Hassan Shehat. Seelo sa FIFA: 22. Go tlhagelela mo Sejaneng sa Motlhakanelwa sa FIFA: gangwe. Batshameki ba ba itsegeng: Hossam Hassan, Ahmed Hassan, Amr Zaky, Mohamed Zidan.
Mokgwa wa bone wa go tlhasela le maano a a itsetsepetseng di ba dira gore ba tshwanelwe ke go ipitsa ditshimega tsa Ešia. Mokatisi: Jorvan Vieira. Seelo sa FIFA: 77. Go tlhagelela mo Sejaneng sa Motlhakanelwa sa FIFA: gangwe. Batshameki ba ba itsegeng: Younis Mahmoud, Noor Sabri, Bassim Abbas, Nashat Akram.
Ga jaana Spain ke setlhopha sa maemo a ntlha mo seelong sa semmuso sa lefatshe sa FIFA. Mokatisi: Vicente Del Bosque. Seelo sa FIFA: gangwe. Go tlhagelela mo Sejaneng sa Motlhakanelwa sa FIFA: gangwe. Batshameki ba ba itsegeng: Fernando Torres, Xabi Alonso, Iker Casillas, Sergio Ramos.
E setse e tshwanetse ke metshameko e le metlhano e e fetileng mme morago ga go sireletsa thaetlele ya bone ya Sejana sa gauta sa CONCACAF ka go fenya Mexico 2-1, USA e tsewa e le khodumodumo e e robetseng mo lefatsheng la kgwele ya dinao. Mokatisi: Bob Bradley. Seelo sa FIFA: 21. Go tlhagelela mo Sejaneng sa Motlhakanelwa sa FIFA: gararo. Batshameki ba ba itsegeng: Damarcus Beasley, Landon Donovan, Clint Dempsey, Tim Howard.
Ga go na setlhopha sa bosetšhaba se se itumeletseng tswelelopele go gaisa Brazil. Ka e setse e tshitse bangwe ba maina a a tumileng jaaka Pelé le Ronaldinho, ke setlhopha se le sengwe se setseng se tshamekile mo Sejaneng sengwe le sengwe sa Lefatshe sa FIFA. Mokatisi: Dunga. Seelo sa FIFA: nne. Go tlhagelela mo Sejaneng sa Motlhakanelwa sa FIFA: ga tlhano. Batshameki ba ba itsegeng: Ronaldinho, Adriano, Gilberto, Robinho.
"Basweu botlhe" jaaka ba itsege, bat sere karolo mo Sejaneng sengwe le sengwe sa Ditšhaba sa OFC go tloga ka 1973, ba fenya palogotlhe ya makgetlho a le mane. Mokatisi: Ricki Herbert. Seelo sa FiFA: 54. Go tlhagelela mo Sejaneng sa Motlhakanelwa sa FIFA: gabedi. Batshameki ba ba itsegeng: Simon Elliot, Ryan Nelson, Chris Killen, Shane Smeltz.
Ka Sejana sa Ditšhaba tsa Aforika sa CAF le dithaetlele tse pedi tsa Sejana sa COSAFA, "Bafana Bafana" ba eme sejaro go iponagatsa jaaka baamogedi Mokatisi: Joel Santana. Seelo sa FIFA: 85. Go tlhagelela mo Sejaneng sa Motlhakanelwa sa FIFA: gangwe. Batshameki ba ba itsegeng: Benni Mcarthy, Aaron Mokoena, Steven Pienaar, Teko Modise.
Ba setse ba fentse Dijana tsa Lefatshe tsa FIFA, Italy ke nngwe ya ditshimega tsa kgwele ya dinao mo lefatsheng. Mokatisi: Marcello Lippi. Seelo sa FIFA: pedi. Go tlhagelela mo Sejaneneng sa Motlhakanelwa sa FIFA: la ntlha. Batshameki ba ba itsegeng: Fabio Cannavaro, Andrea Pirlo, Luca Toni, Gianluigi Buffon.
Itumelele kgwele ya dinao ya maemo a lefatshe go tloga ka R70 - Iponele madulo a gago mo hisetoring mme o nne karolo ya Ditshimega tsa Ditshimega.
Dira kopo mo inthaneteng go www.FIFA.com kgotsa kwa lekaleng lengwe le lengwe la First National Bank go ralala naga.
Go tswa mo lefokong la Sesotho go kaya "Kopanya" leina la kgwele "Kopanya" le emela lefatshe la kgwele ya dinao le kopana la ntlha mo Aforika ka seetebosigo 2009. Tlhamo ya kgwele e rotloetsa ke tiro ya botsweretshi/bobetli jwa dipopego tsa morafi wa Mabetebele.
<fn>GCIS. HangerText.2010-10-19.tn.txt</fn>
Tsenela tshwaragano magareng ga puso le setšhaba go bua ka tshegetso ya batswasetlhabelo ba tshotlakako.
Apara ribone e tshweu go bontsha maitlamo a gago.
Tsaya karolo mo ditiragalong tse di farologaneng tsa malatsi a le 16 a kgaratlhelo tse di diragalang go tswa ka di 25 Ngwanatsele - 10 Sedimonthole: Lebelela dintlha mo lefelong la gago kgotsa fitlhela tshedimosetso ka botlalo mo go: www.womensnet.org.
Ithaope ka nako ya gago mo go tshegetseng mekgatlho e e seng ya puso le ditlhopha tsa baagi tse di tshegetsang basadi le bana.
Dira kabelo go Mokgatlho wa Ditshwanelo tsa Botho ya mekgatlho e e tiro ya yone e leng go fedisa tshotlakako kgatlhanong le basadi le bana. Go bona tshedimosetso ka botlalo, e ya go: www.fhr.org.
Bua kgatlhanong le tshotlakako ya basadi le bana. Rotloetsa basadi ba ba didimetseng go gwetlha tshotlakako. Bega tshotlakako ya bana kwa mapodising.
Tsenela Foramo ya Sepodisi sa baagi kgotsa Diforamo tsa Pabalesego ya Baagi o thuse go lwantsha bosenyi mo lefelong la gago. Go bona tshedimosetso ka botlalo ya ka fao o ka tsenelang, ikgolaganye le seteišene sa gago sa selegae.
Fa o sotlakilwe ka mokgwa mongwe kgotsa fa o itse mongwe yo o sotliwang, se lebelele kwa thoko - bona thuso.
Go bona tshedimosetso ka botlalo ka ga ditirelo tsa puso, leletsa 1020 ya mahala go tswa mogaleng wa fa gae.
Go bona tshedimosetso ka botlalo ka ga ditirelo tsa puo, leletsa 1020, ya mahala go tswa mogaleng wa fa gae.
<fn>GCIS. HealthMinisterLetter.2010-10-19.tn.txt</fn>
go kopa thuso ya gago le gore o nne le seabe le gore ofisi ya gago e e kwa godimo e tlhaeletsane ka nonofo melaetsa e megolo ya Mokgotlhwane wa A (H1N1) 2009 mo setšhabeng sa eno.
Leina la semmuso la saense la bolwetse jo ke leroborobo la mokgotlhwane wa A (H1N1). Bo simolotse kwa Mexico le Dinaga tse di Kopaneng tsa Amerika ka Moranang ngwaga o. Bo ne bo itsege pele e le mokgotlhwane wa dikolobe, gonne go ne go akanngwa gore bo simolotse mo dikolobeng. Ga jaana go dumelwa gore ke motswako wa dielemente tsa batho le maeba. Ka jalo bolwetse ga bo ikamaganye ka gope le go ja nama ya kolobe kgotsa dikumo tsa kolobe. Jaanong e kaiwa fela e le leroborobo la mokgotlhwane kgotsa go ka itlhophelwa leina la lone la semmuso, A (H1N1).
Go tloga ka Moranang monongwaga, mogare o ne wa anama ka bonako mo dinageng di le 166 lefatshe ka bophara. Mo Aforika, bo aname fela mo dinageng di le 16 go fitlha jaana. Ka nako e ke neng ke kwala lekwalo le ka yona, mogare o o ne o amile batho ba le 177 457 (tlhomamiso ya laboratori) lefatshe ka bophara ka maso a le 1 457 a a tlhomamisitsweng.
Mo Aforika Borwa re na le dikgetsi di le 2 844 tse di tlhomamisitsweng le maso a le marataro ga jaana.
Morago ga kopano ya bone ya Komiti ya Potlako e e neng e tshwerwe ka 11 Seetebosigo 2009, Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo (WHO) o ne wa fetsa ka gore maemo a leroborobo a lefatshe ka bophara a fitlheletswe mme Mokaedi-Kakaretso, Dr Margaret Chan, o ne a goeletsa leroborobo (kgato ya 6). Seno se kaya gore bolwetse jo bo ntse bo anametse kwa dinageng mo dikgaolong tsa WHO mme bo anama ka bonako. Fela, ke rata go gatelela gore go itsise leroborobo ga go kae gore bolwetse jo bo kotsi thata. Go kaya fela gore bo anama gotlhe.
Ka di 6 tsa Phukwi, WHO e ne ya tlhalosa go anama ga leroborobo le mo dinageng tse di amegileng le dinaga tse dintšhwa le sa fenyege kgotsa go se thibege. Ka lesego, fa go ka nna jalo, ba tlhokometse gore batho ba le bantsi ba ba nnang le tshwaetso ya mogare o ba tla nna bokoa. Fela jaaka badiredi ba boitekanelo, ba fa gae le ba lefatshe ka bophara, re ntse re tshwenyegile ka maso a a tlhagileng go fitlha ga jaana (lefatshe ka bophara ke 0,8% mme mo Aforika Borwa ke 0,2% ya batho ba ba amegileng). Mogare o ama thata batho ba ba tlogang ka dingwaga di le 10 go fitlha 29 - bontsi jwa batho ba ba kwa dikolong kgotsa ditheo tsa thuto e e kgolwane.
WHO e gakolotse gore dinaga di tshwanetse go lebisa mogopolo mo go bebofatseng bogale jwa bolwetse jo mo setšhabeng. Ka go dira seno, go tlhokega tlhaeletsano e e nonofileng.
Bolwetse jo bo anama ka lerothodi la tshwaetso (ke gore fa motho yo o nang le tshwaetso a gotlhola kgotsa a ethimola mme o bo o hema mowa o a ethimotseng kgotsa a gotlholetseng mo go ona, le fa a ka gotlholela mo phatlhalatseng mme o bo o hema mowa o o dikadikileng fao o ka tshwaetsega).
Palo e e kwa godimo ya batho e na le matshwao a a botsatsa mme ga ba na go tlhoka tlhokomelo ya kalafo e e kgethegileng.
batho ba ba nang le boletswe jwa tshukiri.
letshoroma le matshwao a go felelwa ke metsi mo mmeleng.
go dikelelwa go go feteletseng le idibala.
Mongwe le mongwe yo o nang le matshwao a a bogareng le a a feteletseng o tshwanetse go batla le go amogela thuso ya bonako ya kalafi.
Diteko tsa semmuso di diriwa ke Setheo sa Bosetšhaba sa Malwetse a a Tshelanwang, se se kwa Gauteng fela ga jaana se atoloseditswe kwa Kapa Bophirima. Go dira diteko go tla dirwa ka katlanegiso ya ngaka. Balwetse ba ba batlang tlhokomelo mo setheong sa setšhaba sa boitekanelo ga ba tshwanela go kopa diteko tsa laboratori. Re lemogile gore go ntse jalo kwa maphateng a boitekanelo a poraefete fela se ga se atlanegisiwe ke WHO. Dingaka di tshwanetse go alafa dikgetsi tse di belaelwang go ya ka dintlha tsa diporotokolo tse di tlametsweng ke Lefapha la bosetšhaba la Boitekanelo.
Kalafi e tlhopilweng ke Tamiflu.
matshwao a a feteletseng.
Kalafi ya mogoso ka Tamiflu e tla lere gore mogoso o lwantshe seretibatsi se mme o se dire gore se dire le mo bathong ba se ka bolokang matshelo a bona.
Maitemogelo a lefatshe lotlhe a supile gore go tswalwa ga ditheo tsa thuto le mafelo a mangwe a a jaaka marekelo ga go a thusa sepe go emisa go anama ga bolwetse jo. Fela bo tlhodile kgoreletso e kgolo mo baaging.
Re le gakolola gore morutwana mongwe le mongwe, morutabana kgotsa modiri yo o nang le matshwao a a botsatsa a nne kwa gae. Fa go na le barutwana ba le ba ntsi le/kgotsa barutabana ba ba ntseng kwa gae, setheo se se amegileng se tshwanetse go ikgolaganya le Lefapha la Thuto, mme lona mmogo le bothati jwa boitekanelo bo tla gakolola gore go tlhokwa gore go tsewe dikgato dife.
o se gotlholele mo diatleng tsa gago, o ka mpe wa gotlholela mo sejabaneng.
fa o pateletsega go gotlholela mo diatleng, o se tshware sepe sa dilo tse di jaaka setshwaro sa setswalo, matlhabaphefo, bogodimo jwa tafole kgotsa dijana go fitlha o tlhapa diatla ka sesepa.
Fa o itemogela matshwao a a botsatsa, itunne gae, mme o se kopane le batho.
Ke rata go go netefaletsa gore borasaense ba dira sengwe le sengwe lefatshe lotlhe, ba dira le WHO go leka go dira molemo, fa dilo di ka tsamaya sentle, molemo wa go nna jalo o tla nna teng mo dikgweding tse di mmalwa tse di tlang. Fela go ka nna le tlhokego e e kwa godimo ya molemo ka go se na bokgoni jo bo lekaneng jwa go o dira - bokgoni joo ga bo teng mo Aforika.
Ke rata go go lebogela go tsaya nako go buisa lekwalo le, mme ke rata go go leboga di sa tloga ka ga botsayakarolo jwa matlhagatlhaga jwa go tlhaeletsana le go bebofatsa bogale jwa bolwetse.
<fn>GCIS. Inaugurationleaflet.2010-10-19.tn.txt</fn>
A re ketekeng tlhomosemmuso ya Moporesitente yo montšhwa wa naga ya rona!
Dimilione tsa ma-Aforika Borwa di tsere karolo mo ditlhopo kakaretsong ka di 22 Moranang 2009. Ka go tlhopa, batho ba mo Aforika Borwa ba tsere karolo mo tsamaisong ya temokerasi ya go tlhopa Moporesitente yo montšhwa wa naga. Ka jaanong re itse dipoelo tsa ditlhopho, ke nako ya gore Moporesitente yo montšhwa wa Aforika Borwa a tlhongwe semmuso.
Tlhomosemmuso ke eng?
Tlhomosemmuso ke moletlo o o bontshang tshimologo ya puso e ntšhwa. Ka letsatsi le, Moporesitente yo montšhwa o ikanesiwa ke Moatlhodimogolo wa Aforika Borwa.
Ditlhogo tsa Mafatshe le Mmuso le baemedi ba mebuso go tswa kwa dinageng tse dingwe ba tsenela tiragalo e e botlhokwa e. Go nna gape le mmino, ditiragatso tsa setso le tse dingwe kwa moletlong go keteka letsatsi le.
Tlhomosemmuso e diragala leng?
Monongwaga tlhomosemmuso e diragala ka Lamatlhatso, 9 Motsheganong go tswa ka 11h00 mo mosong kwa Union Buildings kwa Pretoria.
Goreng letsatsi le le botlhokwa?
Mo letsatsing le re keteka diphitlhelelo tsa temokerasi le ditshwanelo le ditšhono tse jaanong re di itumelelang mo Aforika Borwa ya temokerasi, e e sa tlhaoleng go ya ka lotso le bong. Ke letsatsi le re ka kopanang jaaka setšhaba go tswelela go aga Aforika Borwa eo rotlhe re ka ipelang ka yone.
O ka nna jang karolo ya tlhomosemmuso?
Diteišene tse mmalwa tsa thelebišene le tsa radio di tla gasa tlhomosemmuso ka tlhamalalo ka di 9 Motsheganong - reetsa!
Go na gape le ditiragalo tse rulaganyeditsweng baagi go ralala naga - nna karolo ya tsone!
Go bona dintlha ka ga tiragalo mo lefelong la gago, leletsa 1020 (mogala wa mahala go tswa mo mogaleng wa fa gae).
Re Tshwaragane Mmogo go Tokafatsa matshelo!
<fn>GCIS. KeyMessagesPublicParticipationWeek.2010-10-19.tn.txt</fn>
Beke ya Botsayakarolo jwa Setšhaba ke thulaganyo ya go kgontsha mmuisano le dikamano magareng ga puso le batho. E tlamela puso ka tšhono ya go tlhaeletsa Lenaane la yone la Tiro le kgatelopele e e nnileng teng. E tsweletsa botsayakarolo le bosemphatho magareng ga setšhaba le puso.
Beke ya Botsayakarolo jwa Setšhaba e neela puso tšhono ya go amana le baagi, go arabela ka ga go tsenya tirisong ga lenaane la tiro.
Kamano e e tlhamaletseng magareng ga makala a mararo a puso (puso ya bosetšhaba, porofense le ya selegae) le setšhaba e tlhomamisa gore puso e ikgolaganya le batho ba yone.
Mo bekeng e baagi le puso ba tla golagana ka diforamo tse di tlhomilweng tse di jaaka dikomiti tsa dikgaolotlhopho le dikopano tsa makala go tlhagisa dikgwetlho le go abelana ka ditharabololo.
Kgatelelo e tla nna mo go tsosoloseng go itshepa ga baagi jaaka batho ba ba ka tlang ka ditshweetso mmogo le puso e e ba tshegetsang ka go tsaya karolo ka matlhagatlhaga.
Nomoro ya ga Moporesidente e e Kkgethegileng e tlhagisitswe jaaka mokgwa wa tlaleletso go kgontsha tlhaeletsano magareng ga puso le batho gammogo le go potlakisa thebolelo ya ditirelo.
Re rarabolola dikgwetlho tse di setseng di supilwe mo dikamanong le dithutopatlisisong tse dingwe tse di farologaneng.
Re nnile le kgatelopele e kgolo mo dingwageng di le 15 tsa kgololesego tse di fetileng, go sa ntse go na le dikgwetlho tse dintsi.
Peresente ya malapa a a nang le phitlhelelo ya metsi e oketsegile go tswa go 61.7 ka 1994 go fitlhelela go 91.8% ka Mopitlwe 2009, go tlhokega go dira go le gontsi go atolosa tirelo kwa baaging ba ba setseng.
Re gaufi le go fitlhelela maikaelelo a rona a go fedisa mokgwa wa dikgamelo tsa boithusetso mo bonnong jo bo rulagantsweng sentle, letlha le le ikaeletsweng la phitlhelelo ya botlhe ke 2014.
Re sa ntse re tshwenya ke maemo a a kwa godimo a botlhokatiro, bohuma, tlhaelo ya tlhokomelo ya boitekanelo le tlhabololo e e kwa tlase, bogolosegolo kwa metsemagageng le kwa baipeing.
A re diriseng diforamo tseno go amana le baemedi ba batho mme re tileng go senya dithoto le didiriswa tse di ikaeletseng go ba thusa.
Re tshwenyegile ka tiegiso ya ditirelo tse di solofeditsweng baagi; re a itse gore fa re dirisana mmogo mo dikgolaganong tsa ditogamaano re ka dira go le gontsi ka bonako.
<fn>GCIS. LetterToBusinessLeaders.2010-10-19.tn.txt</fn>
go kopa thuso ya gago le gore o nne le seabe le gore ofisi ya gago e e kwa godimo e tlhaeletsane ka nonofo melaetsa e megolo ya Mokgotlhwane wa A (H1N1) 2009 mo kgwebong ya gago le mo setšhabeng se o se direlang.
Leina la semmuso la saense la bolwetse jo ke leroborobo la mokgotlhwane wa A (H1N1). Bo simolotse kwa Mexico le Dinaga tse di Kopaneng tsa Amerika ka Moranang ngwaga o. Bo ne bo itsege pele e le mokgotlhwane wa dikolobe, ka gonne go ne go akanngwa gore bo simolotse mo dikolobeng. Ga jaana go dumelwa gore ke motswako wa dielemente tsa batho le dinonyane. Ka jalo bolwetse ga bo ikamaganye ka gope le go ja nama ya kolobe kgotsa dikumo tsa kolobe. Jaanong bo kaiwa fela e le leroborobo la mokgotlhwane kgotsa go ka itlhophelwa leina la lone la semmuso, A (H1N1) 2009.
Go tloga ka Moranang monongwaga, mogare o ne wa anama ka bonako mo dinageng di le 166 lefatshe ka bophara. Mo Aforika, bo aname fela mo dinageng di le 16 go fitlha ga jaana. Ka nako e ke neng ke kwala lekwalo le ka yona, mogare o ne o amile batho ba le 177 457 (tlhomamiso ya laboratori) lefatshe ka bophara ka maso a le 1 457 a a tlhomamisitsweng.
Mo Aforika Borwa re na le dikgetsi di le 2 844 tse di tlhomamisitsweng le maso a le marataro ga jaana.
Morago ga kopano ya bone ya Komiti ya Tshoganyetso e e neng e tshwerwe ka 11 Seetebosigo 2009, Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo (WHO) o ne wa fetsa ka gore maemo a leroborobo a lefatshe ka bophara a fitlheletswe mme Mokaedi-Kakaretso, Ngk Margaret Chan, o ne a goeletsa leroborobo (kgato ya 6). Seno se kaya gore bolwetse bo anametse kwa dinageng mo dikgaolong tsotlhe tsa WHO e bile bo ne bo anama ka bonako. Fela, ke rata go gatelela gore go itsise leroborobo ga go kae gore bolwetse jo bo kotsi thata. Go kaya fela gore bo anama gotlhe.
Ka di 6 tsa Phukwi, WHO e ne ya tlhalosa go anama ga leroborobo mo dinageng tse di amegileng le kwa dinageng tse dintšhwa go sa tilwe gape go sa thibelege. Ka lesego, le fa go ka nna jalo, ba etse tlhoko gore batho ba le bantsi ba ba nnang le tshwaetso ya mogare ba tla nna mathwao a a botsatsa. Fela jaaka batlhankedi ba boitekanelo, ba fa gae le ba lefatshe ka bophara, re ntse re tshwenyegile ka maso a a tlhagileng go fitlha ga jaana (lefatshe ka bophara ke 0,8% mme mo Aforika Borwa ke 0,2% ya batho ba ba amegileng). Mogare o ama thata batho ba dingwaga di le 10 go fitlha go di le 29 - bontsi jwa batho ba ba kwa dikolong kgotsa kwa ditheo tsa thuto e e kgolwane.
WHO e gakolotse gore dinaga di tshwanetse go lebisa mogopolo mo go tlhofofatseng kutlwalo ya bolwetse mo baaging. Ka go dira seno, go tlhokega tlhaeletsano e e nonofileng.
Bolwetse bo anama ka lerothodi la tshwaetso (ke gore fa motho yo o nang le tshwaetso a gotlhola kgotsa a ethimola mme o bo o hema mowa o a ethimoletseng mo go ona kgotsa a gotlholetseng mo go ona, le fa a ka gotlholela fa fatshe mme o bo o hema mowa o o fao o ka tshwaetsega).
Palo e e kwa godimo ya batho e na le matshwao a a botsatsa mme ga ba na go tlhoka tlhokomelo ya kalafo e e kgethegileng.
batho ba ba nang le bolwetse jwa sukiri.
letshololo le matshwao a go latlhegelwa ke metsi mo mmeleng.
go otsela go go feteletseng le go idibala.
Mongwe le mongwe yo o nang le matshwao a a bogareng le a a feteletseng o tshwanetse go batla le go amogela thuso ya bonako ya kalafo.
Diteko tsa semmuso di diriwa ke Setheo sa Bosetšhaba sa Malwetse a a Tshelanwang, se se kwa Gauteng fela ga jaana se atoloseditswe kwa Kapa Bophirima. Go dira diteko go tla dirwa ka katlanegiso ya ngaka. Balwetse ba ba batlang tlhokomelo mo setheong sa setšhaba sa boitekanelo ga ba tshwanela go kopa diteko tsa laboratori. Re lemogile gore go ntse jalo kwa maphateng a boitekanelo a poraefete fela se ga se atlanegisiwe ke WHO. Dingaka di tshwanetse go alafa dikgetsi tse di belaelwang go ya ka dintlha tsa diporotokolo tse di tlametsweng ke Lefapha la bosetšhaba la Boitekanelo.
Kalafo e e tlhophilweng ke Tamiflu.
matshwao a a feteletseng.
Kalafo ya mogoso ka Tamiflu e tla lere gore go nne le kemokgatlhanong ya mogoso go molemo mme go dire gore o se nne mosola le mo bathong ba o ka bolokang matshelo a bona.
Maitemogelo a lefatshe lotlhe a supile gore go tswalwa ga dikolo le ditheo tsa thuto e kgolwane, marekelo a magolo le mafelotiro ga go a thusa sepe go fedisa go anama ga bolwetse. Mme go tlhodile dikgoreletso tse dikgolo tsa loago.
Re gakolola gore morutwana mongwe le mongwe, morutabana kgotsa modiri yo o nang le matshwao a a botsatsa a nne kwa gae. Fa go na le barutwana ba le bantsi le/kgotsa barutabana ba ba ntseng kwa gae, setheo se se amegileng se tshwanetse go ikgolaganya le Lefapha la Thuto, mme lona mmogo le bothati jwa boitekanelo le tla gakolola gore go tlhokwa gore go tsewe dikgato dife.
o se ke wa gotlholela mo diatleng tsa gago, o ka mpe wa gotlholela mo sejabaneng.
fa o pateletsega go gotlholela mo diatleng, o se tshware sepe sa dilo tse di jaaka ditshwaro sa setswalo, matlhabaphefo, bogodimo jwa ditafole kgotsa didirisiwa go fitlha o tlhapa diatla ka sesepa.
Fa o itemogela matshwao a a botsatsa, itunne gae, mme o se kopane le batho.
Ke rata go go netefaletsa gore borasaense ba dira sengwe le sengwe lefatshe lotlhe, ba dira le WHO go leka go tlhagisa moento. Fa dilo di ka tsamaya sentle, moento wa go nna jalo o tla nna teng mo dikgweding tse di mmalwa tse di tlang. Fela, go ka nna le topo e e kwa godimo ya moento le fa go se na bokgoni jo bo lekaneng jwa go o dira - bokgoni joo ga bo teng mo Aforika.
Ke rata go go leboga go tsaya nako go buisa lekwalo le, e bile gape ke rata go go leboga ka tsholofelo ya gago ya kamego ya matlhagatlhaga mabapi le go tlhaeletsana le go tlhofofatsa maatla a bolwetse.
<fn>GCIS. LetterToNgos.2010-10-19.tn.txt</fn>
go kopa thuso ya gago le gore o nne le seabe le gore ofisi ya gago e e kwa godimo e tlhaeletsane ka nonofo melaetsa e megolo ya Mokgotlhwane wa A (H1N1) 2009 mo setšhabeng se o se direlang.
Leina la semmuso la saense la bolwetse jo ke leroborobo la mokgotlhwane wa A (H1N1). Bo simolotse kwa Mexico le Dinaga tse di Kopaneng tsa Amerika ka Moranang ngwaga o. Bo ne bo itsege pele e le mokgotlhwane wa dikolobe, ka gonne go ne go akanngwa gore bo simolotse mo dikolobeng. Ga jaana go dumelwa gore ke motswako wa dielemente tsa batho le dinonyane. Ka jalo bolwetse ga bo ikamaganye ka gope le go ja nama ya kolobe kgotsa dikumo tsa kolobe. Jaanong bo kaiwa fela e le leroborobo la mokgotlhwane kgotsa go ka itlhophelwa leina la lone la semmuso, A (H1N1) 2009.
Go tloga ka Moranang monongwaga, mogare o ne wa anama ka bonako mo dinageng di le 166 lefatshe ka bophara. Mo Aforika, bo aname fela mo dinageng di le 16 go fitlha ga jaana. Ka nako e ke neng ke kwala lekwalo le ka yona, mogare o ne o amile batho ba le 177 457 (tlhomamiso ya laboratori) lefatshe ka bophara ka maso a le 1 457 a a tlhomamisitsweng.
Mo Aforika Borwa re na le dikgetsi di le 2 844 tse di tlhomamisitsweng le maso a le marataro ga jaana.
Morago ga kopano ya bone ya Komiti ya Tshoganyetso e e neng e tshwerwe ka 11 Seetebosigo 2009, Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo (WHO) o ne wa fetsa ka gore maemo a leroborobo a lefatshe ka bophara a fitlheletswe mme Mokaedi-Kakaretso, Ngk Margaret Chan, o ne a goeletsa leroborobo (kgato ya 6). Seno se kaya gore bolwetse bo anametse kwa dinageng mo dikgaolong tsotlhe tsa WHO e bile bo ne bo anama ka bonako. Fela, ke rata go gatelela gore go itsise leroborobo ga go kae gore bolwetse jo bo kotsi thata. Go kaya fela gore bo anama gotlhe.
Ka di 6 tsa Phukwi, WHO e ne ya tlhalosa go anama ga leroborobo mo dinageng tse di amegileng le kwa dinageng tse dintšhwa go sa tilwe gape go sa thibelege. Ka lesego, le fa go ka nna jalo, ba etse tlhoko gore batho ba le bantsi ba ba nnang le tshwaetso ya mogare ba tla nna mathwao a a botsatsa. Fela jaaka batlhankedi ba boitekanelo, ba fa gae le ba lefatshe ka bophara, re ntse re tshwenyegile ka maso a a tlhagileng go fitlha ga jaana (lefatshe ka bophara ke 0,8% mme mo Aforika Borwa ke 0,2% ya batho ba ba amegileng). Mogare o ama thata batho ba dingwaga di le 10 go fitlha go di le 29 - bontsi jwa batho ba ba kwa dikolong kgotsa kwa ditheo tsa thuto e e kgolwane.
WHO e gakolotse gore dinaga di tshwanetse go lebisa mogopolo mo go tlhofofatseng kutlwalo ya bolwetse mo baaging. Ka go dira seno, go tlhokega tlhaeletsano e e nonofileng.
Bolwetse bo anama ka lerothodi la tshwaetso (ke gore fa motho yo o nang le tshwaetso a gotlhola kgotsa a ethimola mme o bo o hema mowa o a ethimoletseng mo go ona kgotsa a gotlholetseng mo go ona, le fa a ka gotlholela fa fatshe mme o bo o hema mowa o o fao o ka tshwaetsega).
Palo e e kwa godimo ya batho e na le matshwao a a botsatsa mme ga ba na go tlhoka tlhokomelo ya kalafo e e kgethegileng.
batho ba ba nang le bolwetse jwa sukiri.
letshololo le matshwao a go latlhegelwa ke metsi mo mmeleng.
go otsela go go feteletseng le go idibala.
Mongwe le mongwe yo o nang le matshwao a a bogareng le a a feteletseng o tshwanetse go batla le go amogela thuso ya bonako ya kalafo.
Diteko tsa semmuso di diriwa ke Setheo sa Bosetšhaba sa Malwetse a a Tshelanwang, se se kwa Gauteng fela ga jaana se atoloseditswe kwa Kapa Bophirima. Go dira diteko go tla dirwa ka katlanegiso ya ngaka. Balwetse ba ba batlang tlhokomelo mo setheong sa setšhaba sa boitekanelo ga ba tshwanela go kopa diteko tsa laboratori. Re lemogile gore go ntse jalo kwa maphateng a boitekanelo a poraefete fela se ga se atlanegisiwe ke WHO. Dingaka di tshwanetse go alafa dikgetsi tse di belaelwang go ya ka dintlha tsa diporotokolo tse di tlametsweng ke Lefapha la bosetšhaba la Boitekanelo.
Kalafo e e tlhophilweng ke Tamiflu.
matshwao a a feteletseng.
Kalafo ya mogoso ka Tamiflu e tla lere gore go nne le kemokgatlhanong ya mogoso go molemo mme go dire gore o se nne mosola le mo bathong ba o ka bolokang matshelo a bona.
Maitemogelo a lefatshe lotlhe a supile gore go tswalwa ga dikolo le ditheo tsa thuto e kgolwane, marekelo a magolo le mafelotiro ga go a thusa sepe go fedisa go anama ga bolwetse. Mme go tlhodile dikgoreletso tse dikgolo tsa loago.
Re gakolola gore morutwana mongwe le mongwe, morutabana kgotsa modiri yo o nang le matshwao a a botsatsa a nne kwa gae. Fa go na le barutwana ba le bantsi le/kgotsa barutabana ba ba ntseng kwa gae, setheo se se amegileng se tshwanetse go ikgolaganya le Lefapha la Thuto, mme lona mmogo le bothati jwa boitekanelo le tla gakolola gore go tlhokwa gore go tsewe dikgato dife.
o se ke wa gotlholela mo diatleng tsa gago, o ka mpe wa gotlholela mo sejabaneng.
fa o pateletsega go gotlholela mo diatleng, o se tshware sepe sa dilo tse di jaaka ditshwaro sa setswalo, matlhabaphefo, bogodimo jwa ditafole kgotsa didirisiwa go fitlha o tlhapa diatla ka sesepa.
Fa o itemogela matshwao a a botsatsa, itunne gae, mme o se kopane le batho.
Ke rata go go netefaletsa gore borasaense ba dira sengwe le sengwe lefatshe lotlhe, ba dira le WHO go leka go tlhagisa moento. Fa dilo di ka tsamaya sentle, moento wa go nna jalo o tla nna teng mo dikgweding tse di mmalwa tse di tlang. Fela, go ka nna le topo e e kwa godimo ya moento le fa go se na bokgoni jo bo lekaneng jwa go o dira - bokgoni joo ga bo teng mo Aforika.
Ke rata go go leboga go tsaya nako go buisa lekwalo le, e bile gape ke rata go go leboga ka tsholofelo ya gago ya kamego ya matlhagatlhaga mabapi le go tlhaeletsana le go tlhofofatsa maatla a bolwetse.
<fn>GCIS. LetterToOrganisedLabour.2010-10-19.tn.txt</fn>
go kopa thuso ya gago le gore o nne le seabe le gore ofisi ya gago e e kwa godimo e tlhaeletsane ka nonofo melaetsa e megolo ya Mokgotlhwane wa A (H1N1) 2009 mo mokgatlhong wa gago le mo badiring.
Leina la semmuso la saense la bolwetse jo ke leroborobo la mokgotlhwane wa A (H1N1). Bo simolotse kwa Mexico le Dinaga tse di Kopaneng tsa Amerika ka Moranang ngwaga o. Bo ne bo itsege pele e le mokgotlhwane wa dikolobe, ka gonne go ne go akanngwa gore bo simolotse mo dikolobeng. Ga jaana go dumelwa gore ke motswako wa dielemente tsa batho le dinonyane. Ka jalo bolwetse ga bo ikamaganye ka gope le go ja nama ya kolobe kgotsa dikumo tsa kolobe. Jaanong bo kaiwa fela e le leroborobo la mokgotlhwane kgotsa go ka itlhophelwa leina la lone la semmuso, A (H1N1) 2009.
Go tloga ka Moranang monongwaga, mogare o ne wa anama ka bonako mo dinageng di le 166 lefatshe ka bophara. Mo Aforika, bo aname fela mo dinageng di le 16 go fitlha ga jaana. Ka nako e ke neng ke kwala lekwalo le ka yona, mogare o ne o amile batho ba le 177 457 (tlhomamiso ya laboratori) lefatshe ka bophara ka maso a le 1 457 a a tlhomamisitsweng.
Mo Aforika Borwa re na le dikgetsi di le 2 844 tse di tlhomamisitsweng le maso a le marataro ga jaana.
Morago ga kopano ya bone ya Komiti ya Tshoganyetso e e neng e tshwerwe ka 11 Seetebosigo 2009, Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo (WHO) o ne wa fetsa ka gore maemo a leroborobo a lefatshe ka bophara a fitlheletswe mme Mokaedi-Kakaretso, Ngk Margaret Chan, o ne a goeletsa leroborobo (kgato ya 6). Seno se kaya gore bolwetse bo anametse kwa dinageng mo dikgaolong tsotlhe tsa WHO e bile bo ne bo anama ka bonako. Fela, ke rata go gatelela gore go itsise leroborobo ga go kae gore bolwetse jo bo kotsi thata. Go kaya fela gore bo anama gotlhe.
Ka di 6 tsa Phukwi, WHO e ne ya tlhalosa go anama ga leroborobo mo dinageng tse di amegileng le kwa dinageng tse dintšhwa go sa tilwe gape go sa thibelege. Ka lesego, le fa go ka nna jalo, ba etse tlhoko gore batho ba le bantsi ba ba nnang le tshwaetso ya mogare ba tla nna mathwao a a botsatsa. Fela jaaka batlhankedi ba boitekanelo, ba fa gae le ba lefatshe ka bophara, re ntse re tshwenyegile ka maso a a tlhagileng go fitlha ga jaana (lefatshe ka bophara ke 0,8% mme mo Aforika Borwa ke 0,2% ya batho ba ba amegileng). Mogare o ama thata batho ba dingwaga di le 10 go fitlha go di le 29 - bontsi jwa batho ba ba kwa dikolong kgotsa kwa ditheo tsa thuto e e kgolwane.
WHO e gakolotse gore dinaga di tshwanetse go lebisa mogopolo mo go tlhofofatseng kutlwalo ya bolwetse mo baaging. Ka go dira seno, go tlhokega tlhaeletsano e e nonofileng.
Bolwetse bo anama ka lerothodi la tshwaetso (ke gore fa motho yo o nang le tshwaetso a gotlhola kgotsa a ethimola mme o bo o hema mowa o a ethimoletseng mo go ona kgotsa a gotlholetseng mo go ona, le fa a ka gotlholela fa fatshe mme o bo o hema mowa o o fao o ka tshwaetsega).
Palo e e kwa godimo ya batho e na le matshwao a a botsatsa mme ga ba na go tlhoka tlhokomelo ya kalafo e e kgethegileng.
batho ba ba nang le bolwetse jwa sukiri.
letshololo le matshwao a go latlhegelwa ke metsi mo mmeleng.
go otsela go go feteletseng le go idibala.
Mongwe le mongwe yo o nang le matshwao a a bogareng le a a feteletseng o tshwanetse go batla le go amogela thuso ya bonako ya kalafo.
Diteko tsa semmuso di diriwa ke Setheo sa Bosetšhaba sa Malwetse a a Tshelanwang, se se kwa Gauteng fela ga jaana se atoloseditswe kwa Kapa Bophirima. Go dira diteko go tla dirwa ka katlanegiso ya ngaka. Balwetse ba ba batlang tlhokomelo mo setheong sa setšhaba sa boitekanelo ga ba tshwanela go kopa diteko tsa laboratori. Re lemogile gore go ntse jalo kwa maphateng a boitekanelo a poraefete fela se ga se atlanegisiwe ke WHO. Dingaka di tshwanetse go alafa dikgetsi tse di belaelwang go ya ka dintlha tsa diporotokolo tse di tlametsweng ke Lefapha la bosetšhaba la Boitekanelo.
Kalafo e e tlhophilweng ke Tamiflu.
matshwao a a feteletseng.
Kalafo ya mogoso ka Tamiflu e tla lere gore go nne le kemokgatlhanong ya mogoso go molemo mme go dire gore o se nne mosola le mo bathong ba o ka bolokang matshelo a bona.
Maitemogelo a lefatshe lotlhe a supile gore go tswalwa ga dikolo le ditheo tsa thuto e kgolwane, marekelo a magolo le mafelotiro ga go a thusa sepe go fedisa go anama ga bolwetse. Mme go tlhodile dikgoreletso tse dikgolo tsa loago.
Re gakolola gore morutwana mongwe le mongwe, morutabana kgotsa modiri yo o nang le matshwao a a botsatsa a nne kwa gae. Fa go na le barutwana ba le bantsi le/kgotsa barutabana ba ba ntseng kwa gae, setheo se se amegileng se tshwanetse go ikgolaganya le Lefapha la Thuto, mme lona mmogo le bothati jwa boitekanelo le tla gakolola gore go tlhokwa gore go tsewe dikgato dife.
o se ke wa gotlholela mo diatleng tsa gago, o ka mpe wa gotlholela mo sejabaneng.
fa o pateletsega go gotlholela mo diatleng, o se tshware sepe sa dilo tse di jaaka ditshwaro sa setswalo, matlhabaphefo, bogodimo jwa ditafole kgotsa didirisiwa go fitlha o tlhapa diatla ka sesepa.
Fa o itemogela matshwao a a botsatsa, itunne gae, mme o se kopane le batho.
Ke rata go go netefaletsa gore borasaense ba dira sengwe le sengwe lefatshe lotlhe, ba dira le WHO go leka go tlhagisa moento. Fa dilo di ka tsamaya sentle, moento wa go nna jalo o tla nna teng mo dikgweding tse di mmalwa tse di tlang. Fela, go ka nna le topo e e kwa godimo ya moento le fa go se na bokgoni jo bo lekaneng jwa go o dira - bokgoni joo ga bo teng mo Aforika.
Ke rata go go leboga go tsaya nako go buisa lekwalo le, e bile gape ke rata go go leboga ka tsholofelo ya gago ya kamego ya matlhagatlhaga mabapi le go tlhaeletsana le go tlhofofatsa maatla a bolwetse.
<fn>GCIS. LetterToReligiousLeaders.2010-10-19.tn.txt</fn>
go kopa thuso ya gago le gore o nne le seabe le gore ofisi ya gago e e kwa godimo e tlhaeletsane ka nonofo melaetsa e megolo ya Mokgotlhwane wa A (H1N1) 2009 mo phuthegong ya gago le mo setšhabeng.
Leina la semmuso la saense la bolwetse jo ke leroborobo la mokgotlhwane wa A (H1N1). Bo simolotse kwa Mexico le Dinaga tse di Kopaneng tsa Amerika ka Moranang ngwaga o. Bo ne bo itsege pele e le mokgotlhwane wa dikolobe, ka gonne go ne go akanngwa gore bo simolotse mo dikolobeng. Ga jaana go dumelwa gore ke motswako wa dielemente tsa batho le dinonyane. Ka jalo bolwetse ga bo ikamaganye ka gope le go ja nama ya kolobe kgotsa dikumo tsa kolobe. Jaanong bo kaiwa fela e le leroborobo la mokgotlhwane kgotsa go ka itlhophelwa leina la lone la semmuso, A (H1N1) 2009.
Go tloga ka Moranang monongwaga, mogare o ne wa anama ka bonako mo dinageng di le 166 lefatshe ka bophara. Mo Aforika, bo aname fela mo dinageng di le 16 go fitlha ga jaana. Ka nako e ke neng ke kwala lekwalo le ka yona, mogare o ne o amile batho ba le 177 457 (tlhomamiso ya laboratori) lefatshe ka bophara ka maso a le 1 457 a a tlhomamisitsweng.
Mo Aforika Borwa re na le dikgetsi di le 2 844 tse di tlhomamisitsweng le maso a le marataro ga jaana.
Morago ga kopano ya bone ya Komiti ya Tshoganyetso e e neng e tshwerwe ka 11 Seetebosigo 2009, Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo (WHO) o ne wa fetsa ka gore maemo a leroborobo a lefatshe ka bophara a fitlheletswe mme Mokaedi-Kakaretso, Ngk Margaret Chan, o ne a goeletsa leroborobo (kgato ya 6). Seno se kaya gore bolwetse bo anametse kwa dinageng mo dikgaolong tsotlhe tsa WHO e bile bo ne bo anama ka bonako. Fela, ke rata go gatelela gore go itsise leroborobo ga go kae gore bolwetse jo bo kotsi thata. Go kaya fela gore bo anama gotlhe.
Ka di 6 tsa Phukwi, WHO e ne ya tlhalosa go anama ga leroborobo mo dinageng tse di amegileng le kwa dinageng tse dintšhwa go sa tilwe gape go sa thibelege. Ka lesego, le fa go ka nna jalo, ba etse tlhoko gore batho ba le bantsi ba ba nnang le tshwaetso ya mogare ba tla nna mathwao a a botsatsa. Fela jaaka batlhankedi ba boitekanelo, ba fa gae le ba lefatshe ka bophara, re ntse re tshwenyegile ka maso a a tlhagileng go fitlha ga jaana (lefatshe ka bophara ke 0,8% mme mo Aforika Borwa ke 0,2% ya batho ba ba amegileng). Mogare o ama thata batho ba dingwaga di le 10 go fitlha go di le 29 - bontsi jwa batho ba ba kwa dikolong kgotsa kwa ditheo tsa thuto e e kgolwane.
WHO e gakolotse gore dinaga di tshwanetse go lebisa mogopolo mo go tlhofofatseng kutlwalo ya bolwetse mo baaging. Ka go dira seno, go tlhokega tlhaeletsano e e nonofileng.
Bolwetse bo anama ka lerothodi la tshwaetso (ke gore fa motho yo o nang le tshwaetso a gotlhola kgotsa a ethimola mme o bo o hema mowa o a ethimoletseng mo go ona kgotsa a gotlholetseng mo go ona, le fa a ka gotlholela fa fatshe mme o bo o hema mowa o o fao o ka tshwaetsega).
Palo e e kwa godimo ya batho e na le matshwao a a botsatsa mme ga ba na go tlhoka tlhokomelo ya kalafo e e kgethegileng.
batho ba ba nang le bolwetse jwa sukiri.
letshololo le matshwao a go latlhegelwa ke metsi mo mmeleng.
go otsela go go feteletseng le go idibala.
Mongwe le mongwe yo o nang le matshwao a a bogareng le a a feteletseng o tshwanetse go batla le go amogela thuso ya bonako ya kalafo.
Diteko tsa semmuso di diriwa ke Setheo sa Bosetšhaba sa Malwetse a a Tshelanwang, se se kwa Gauteng fela ga jaana se atoloseditswe kwa Kapa Bophirima. Go dira diteko go tla dirwa ka katlanegiso ya ngaka. Balwetse ba ba batlang tlhokomelo mo setheong sa setšhaba sa boitekanelo ga ba tshwanela go kopa diteko tsa laboratori. Re lemogile gore go ntse jalo kwa maphateng a boitekanelo a poraefete fela se ga se atlanegisiwe ke WHO. Dingaka di tshwanetse go alafa dikgetsi tse di belaelwang go ya ka dintlha tsa diporotokolo tse di tlametsweng ke Lefapha la bosetšhaba la Boitekanelo.
Kalafo e e tlhophilweng ke Tamiflu.
matshwao a a feteletseng.
Kalafo ya mogoso ka Tamiflu e tla lere gore go nne le kemokgatlhanong ya mogoso go molemo mme go dire gore o se nne mosola le mo bathong ba o ka bolokang matshelo a bona.
Maitemogelo a lefatshe lotlhe a supile gore go tswalwa ga dikolo le ditheo tsa thuto e kgolwane, marekelo a magolo le mafelotiro ga go a thusa sepe go fedisa go anama ga bolwetse. Mme go tlhodile dikgoreletso tse dikgolo tsa loago.
Re gakolola gore morutwana mongwe le mongwe, morutabana kgotsa modiri yo o nang le matshwao a a botsatsa a nne kwa gae. Fa go na le barutwana ba le bantsi le/kgotsa barutabana ba ba ntseng kwa gae, setheo se se amegileng se tshwanetse go ikgolaganya le Lefapha la Thuto, mme lona mmogo le bothati jwa boitekanelo le tla gakolola gore go tlhokwa gore go tsewe dikgato dife.
o se ke wa gotlholela mo diatleng tsa gago, o ka mpe wa gotlholela mo sejabaneng.
fa o pateletsega go gotlholela mo diatleng, o se tshware sepe sa dilo tse di jaaka ditshwaro sa setswalo, matlhabaphefo, bogodimo jwa ditafole kgotsa didirisiwa go fitlha o tlhapa diatla ka sesepa.
Fa o itemogela matshwao a a botsatsa, itunne gae, mme o se kopane le batho.
Ke rata go go netefaletsa gore borasaense ba dira sengwe le sengwe lefatshe lotlhe, ba dira le WHO go leka go tlhagisa moento. Fa dilo di ka tsamaya sentle, moento wa go nna jalo o tla nna teng mo dikgweding tse di mmalwa tse di tlang. Fela, go ka nna le topo e e kwa godimo ya moento le fa go se na bokgoni jo bo lekaneng jwa go o dira - bokgoni joo ga bo teng mo Aforika.
Ke rata go go leboga go tsaya nako go buisa lekwalo le, e bile gape ke rata go go leboga ka tsholofelo ya gago ya kamego ya matlhagatlhaga mabapi le go tlhaeletsana le go tlhofofatsa maatla a bolwetse.
<fn>GCIS. LetterToSportsOrganisation.2010-10-19.tn.txt</fn>
go kopa thuso ya gago le gore o nne le seabe le gore ofisi ya gago e e kwa godimo e tlhaeletsane ka nonofo melaetsa e megolo ya Mokgotlhwane wa A (H1N1) 2009 mo mokgatlhong wa gago wa metshameko.
Leina la semmuso la saense la bolwetse jo ke leroborobo la mokgotlhwane wa A (H1N1). Bo simolotse kwa Mexico le Dinaga tse di Kopaneng tsa Amerika ka Moranang ngwaga o. Bo ne bo itsege pele e le mokgotlhwane wa dikolobe, ka gonne go ne go akanngwa gore bo simolotse mo dikolobeng. Ga jaana go dumelwa gore ke motswako wa dielemente tsa batho le dinonyane. Ka jalo bolwetse ga bo ikamaganye ka gope le go ja nama ya kolobe kgotsa dikumo tsa kolobe. Jaanong bo kaiwa fela e le leroborobo la mokgotlhwane kgotsa go ka itlhophelwa leina la lone la semmuso, A (H1N1) 2009.
Go tloga ka Moranang monongwaga, mogare o ne wa anama ka bonako mo dinageng di le 166 lefatshe ka bophara. Mo Aforika, bo aname fela mo dinageng di le 16 go fitlha ga jaana. Ka nako e ke neng ke kwala lekwalo le ka yona, mogare o ne o amile batho ba le 177 457 (tlhomamiso ya laboratori) lefatshe ka bophara ka maso a le 1 457 a a tlhomamisitsweng.
Mo Aforika Borwa re na le dikgetsi di le 2 844 tse di tlhomamisitsweng le maso a le marataro ga jaana.
Morago ga kopano ya bone ya Komiti ya Tshoganyetso e e neng e tshwerwe ka 11 Seetebosigo 2009, Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo (WHO) o ne wa fetsa ka gore maemo a leroborobo a lefatshe ka bophara a fitlheletswe mme Mokaedi-Kakaretso, Ngk Margaret Chan, o ne a goeletsa leroborobo (kgato ya 6). Seno se kaya gore bolwetse bo anametse kwa dinageng mo dikgaolong tsotlhe tsa WHO e bile bo ne bo anama ka bonako. Fela, ke rata go gatelela gore go itsise leroborobo ga go kae gore bolwetse jo bo kotsi thata. Go kaya fela gore bo anama gotlhe.
Ka di 6 tsa Phukwi, WHO e ne ya tlhalosa go anama ga leroborobo mo dinageng tse di amegileng le kwa dinageng tse dintšhwa go sa tilwe gape go sa thibelege. Ka lesego, le fa go ka nna jalo, ba etse tlhoko gore batho ba le bantsi ba ba nnang le tshwaetso ya mogare ba tla nna mathwao a a botsatsa. Fela jaaka batlhankedi ba boitekanelo, ba fa gae le ba lefatshe ka bophara, re ntse re tshwenyegile ka maso a a tlhagileng go fitlha ga jaana (lefatshe ka bophara ke 0,8% mme mo Aforika Borwa ke 0,2% ya batho ba ba amegileng). Mogare o ama thata batho ba dingwaga di le 10 go fitlha go di le 29 - bontsi jwa batho ba ba kwa dikolong kgotsa kwa ditheo tsa thuto e e kgolwane.
WHO e gakolotse gore dinaga di tshwanetse go lebisa mogopolo mo go tlhofofatseng kutlwalo ya bolwetse mo baaging. Ka go dira seno, go tlhokega tlhaeletsano e e nonofileng.
Bolwetse bo anama ka lerothodi la tshwaetso (ke gore fa motho yo o nang le tshwaetso a gotlhola kgotsa a ethimola mme o bo o hema mowa o a ethimoletseng mo go ona kgotsa a gotlholetseng mo go ona, le fa a ka gotlholela fa fatshe mme o bo o hema mowa o o fao o ka tshwaetsega).
Palo e e kwa godimo ya batho e na le matshwao a a botsatsa mme ga ba na go tlhoka tlhokomelo ya kalafo e e kgethegileng.
batho ba ba nang le bolwetse jwa sukiri.
letshololo le matshwao a go latlhegelwa ke metsi mo mmeleng.
go otsela go go feteletseng le go idibala.
Mongwe le mongwe yo o nang le matshwao a a bogareng le a a feteletseng o tshwanetse go batla le go amogela thuso ya bonako ya kalafo.
Diteko tsa semmuso di diriwa ke Setheo sa Bosetšhaba sa Malwetse a a Tshelanwang, se se kwa Gauteng fela ga jaana se atoloseditswe kwa Kapa Bophirima. Go dira diteko go tla dirwa ka katlanegiso ya ngaka. Balwetse ba ba batlang tlhokomelo mo setheong sa setšhaba sa boitekanelo ga ba tshwanela go kopa diteko tsa laboratori. Re lemogile gore go ntse jalo kwa maphateng a boitekanelo a poraefete fela se ga se atlanegisiwe ke WHO. Dingaka di tshwanetse go alafa dikgetsi tse di belaelwang go ya ka dintlha tsa diporotokolo tse di tlametsweng ke Lefapha la bosetšhaba la Boitekanelo.
Kalafo e e tlhophilweng ke Tamiflu.
matshwao a a feteletseng.
Kalafo ya mogoso ka Tamiflu e tla lere gore go nne le kemokgatlhanong ya mogoso go molemo mme go dire gore o se nne mosola le mo bathong ba o ka bolokang matshelo a bona.
Maitemogelo a lefatshe lotlhe a supile gore go tswalwa ga dikolo le ditheo tsa thuto e kgolwane, marekelo a magolo le mafelotiro ga go a thusa sepe go fedisa go anama ga bolwetse. Mme go tlhodile dikgoreletso tse dikgolo tsa loago.
Re gakolola gore morutwana mongwe le mongwe, morutabana kgotsa modiri yo o nang le matshwao a a botsatsa a nne kwa gae. Fa go na le barutwana ba le bantsi le/kgotsa barutabana ba ba ntseng kwa gae, setheo se se amegileng se tshwanetse go ikgolaganya le Lefapha la Thuto, mme lona mmogo le bothati jwa boitekanelo le tla gakolola gore go tlhokwa gore go tsewe dikgato dife.
o se ke wa gotlholela mo diatleng tsa gago, o ka mpe wa gotlholela mo sejabaneng.
fa o pateletsega go gotlholela mo diatleng, o se tshware sepe sa dilo tse di jaaka ditshwaro sa setswalo, matlhabaphefo, bogodimo jwa ditafole kgotsa didirisiwa go fitlha o tlhapa diatla ka sesepa.
Fa o itemogela matshwao a a botsatsa, itunne gae, mme o se kopane le batho.
Ke rata go go netefaletsa gore borasaense ba dira sengwe le sengwe lefatshe lotlhe, ba dira le WHO go leka go tlhagisa moento. Fa dilo di ka tsamaya sentle, moento wa go nna jalo o tla nna teng mo dikgweding tse di mmalwa tse di tlang. Fela, go ka nna le topo e e kwa godimo ya moento le fa go se na bokgoni jo bo lekaneng jwa go o dira - bokgoni joo ga bo teng mo Aforika.
Ke rata go go leboga go tsaya nako go buisa lekwalo le, e bile gape ke rata go go leboga ka tsholofelo ya gago ya kamego ya matlhagatlhaga mabapi le go tlhaeletsana le go tlhofofatsa maatla a bolwetse.
<fn>GCIS. LetterToTheMinisters.2010-10-19.tn.txt</fn>
go kopa thuso ya gago le gore o nne le seabe le gore ofisi ya gago e e kwa godimo e tlhaeletsane ka nonofo melaetsa e megolo ya Mokgotlhwane wa A (H1N1) 2009 mo setšhabeng sa eno.
Leina la semmuso la saense la bolwetse jo ke leroborobo la mokgotlhwane wa A (H1N1). Bo simolotse kwa Mexico le Dinaga tse di Kopaneng tsa Amerika ka Moranang ngwaga o. Bo ne bo itsege pele e le mokgotlhwane wa dikolobe, ka gonne go ne go akanngwa gore bo simolotse mo dikolobeng. Ga jaana go dumelwa gore ke motswako wa dielemente tsa batho le dinonyane. Ka jalo bolwetse ga bo ikamaganye ka gope le go ja nama ya kolobe kgotsa dikumo tsa kolobe. Jaanong bo kaiwa fela e le leroborobo la mokgotlhwane kgotsa go ka itlhophelwa leina la lone la semmuso, A (H1N1) 2009.
Go tloga ka Moranang monongwaga, mogare o ne wa anama ka bonako mo dinageng di le 166 lefatshe ka bophara. Mo Aforika, bo aname fela mo dinageng di le 16 go fitlha ga jaana. Ka nako e ke neng ke kwala lekwalo le ka yona, mogare o ne o amile batho ba le 177 457 (tlhomamiso ya laboratori) lefatshe ka bophara ka maso a le 1 457 a a tlhomamisitsweng.
Mo Aforika Borwa re na le dikgetsi di le 2 844 tse di tlhomamisitsweng le maso a le marataro ga jaana.
Morago ga kopano ya bone ya Komiti ya Tshoganyetso e e neng e tshwerwe ka 11 Seetebosigo 2009, Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo (WHO) o ne wa fetsa ka gore maemo a leroborobo a lefatshe ka bophara a fitlheletswe mme Mokaedi-Kakaretso, Ngk Margaret Chan, o ne a goeletsa leroborobo (kgato ya 6). Seno se kaya gore bolwetse bo anametse kwa dinageng mo dikgaolong tsotlhe tsa WHO e bile bo ne bo anama ka bonako. Fela, ke rata go gatelela gore go itsise leroborobo ga go kae gore bolwetse jo bo kotsi thata. Go kaya fela gore bo anama gotlhe.
Ka di 6 tsa Phukwi, WHO e ne ya tlhalosa go anama ga leroborobo mo dinageng tse di amegileng le kwa dinageng tse dintšhwa go sa tilwe gape go sa thibelege. Ka lesego, le fa go ka nna jalo, ba etse tlhoko gore batho ba le bantsi ba ba nnang le tshwaetso ya mogare ba tla nna mathwao a a botsatsa. Fela jaaka batlhankedi ba boitekanelo, ba fa gae le ba lefatshe ka bophara, re ntse re tshwenyegile ka maso a a tlhagileng go fitlha ga jaana (lefatshe ka bophara ke 0,8% mme mo Aforika Borwa ke 0,2% ya batho ba ba amegileng). Mogare o ama thata batho ba dingwaga di le 10 go fitlha go di le 29 - bontsi jwa batho ba ba kwa dikolong kgotsa kwa ditheo tsa thuto e e kgolwane.
WHO e gakolotse gore dinaga di tshwanetse go lebisa mogopolo mo go tlhofofatseng kutlwalo ya bolwetse mo baaging. Ka go dira seno, go tlhokega tlhaeletsano e e nonofileng.
Bolwetse bo anama ka lerothodi la tshwaetso (ke gore fa motho yo o nang le tshwaetso a gotlhola kgotsa a ethimola mme o bo o hema mowa o a ethimoletseng mo go ona kgotsa a gotlholetseng mo go ona, le fa a ka gotlholela fa fatshe mme o bo o hema mowa o o fao o ka tshwaetsega).
Palo e e kwa godimo ya batho e na le matshwao a a botsatsa mme ga ba na go tlhoka tlhokomelo ya kalafo e e kgethegileng.
batho ba ba nang le bolwetse jwa sukiri.
letshololo le matshwao a go latlhegelwa ke metsi mo mmeleng.
go otsela go go feteletseng le go idibala.
Mongwe le mongwe yo o nang le matshwao a a bogareng le a a feteletseng o tshwanetse go batla le go amogela thuso ya bonako ya kalafo.
Diteko tsa semmuso di diriwa ke Setheo sa Bosetšhaba sa Malwetse a a Tshelanwang, se se kwa Gauteng fela ga jaana se atoloseditswe kwa Kapa Bophirima. Go dira diteko go tla dirwa ka katlanegiso ya ngaka. Balwetse ba ba batlang tlhokomelo mo setheong sa setšhaba sa boitekanelo ga ba tshwanela go kopa diteko tsa laboratori. Re lemogile gore go ntse jalo kwa maphateng a boitekanelo a poraefete fela se ga se atlanegisiwe ke WHO. Dingaka di tshwanetse go alafa dikgetsi tse di belaelwang go ya ka dintlha tsa diporotokolo tse di tlametsweng ke Lefapha la bosetšhaba la Boitekanelo.
Kalafo e e tlhophilweng ke Tamiflu.
matshwao a a feteletseng.
Kalafo ya mogoso ka Tamiflu e tla lere gore go nne le kemokgatlhanong ya mogoso go molemo mme go dire gore o se nne mosola le mo bathong ba o ka bolokang matshelo a bona.
Maitemogelo a lefatshe lotlhe a supile gore go tswalwa ga dikolo le ditheo tsa thuto e kgolwane, marekelo a magolo le mafelotiro ga go a thusa sepe go fedisa go anama ga bolwetse. Mme go tlhodile dikgoreletso tse dikgolo tsa loago.
Re gakolola gore morutwana mongwe le mongwe, morutabana kgotsa modiri yo o nang le matshwao a a botsatsa a nne kwa gae. Fa go na le barutwana ba le bantsi le/kgotsa barutabana ba ba ntseng kwa gae, setheo se se amegileng se tshwanetse go ikgolaganya le Lefapha la Thuto, mme lona mmogo le bothati jwa boitekanelo le tla gakolola gore go tlhokwa gore go tsewe dikgato dife.
o se ke wa gotlholela mo diatleng tsa gago, o ka mpe wa gotlholela mo sejabaneng.
fa o pateletsega go gotlholela mo diatleng, o se tshware sepe sa dilo tse di jaaka ditshwaro sa setswalo, matlhabaphefo, bogodimo jwa ditafole kgotsa didirisiwa go fitlha o tlhapa diatla ka sesepa.
Fa o itemogela matshwao a a botsatsa, itunne gae, mme o se kopane le batho.
Ke rata go go netefaletsa gore borasaense ba dira sengwe le sengwe lefatshe lotlhe, ba dira le WHO go leka go tlhagisa moento. Fa dilo di ka tsamaya sentle, moento wa go nna jalo o tla nna teng mo dikgweding tse di mmalwa tse di tlang. Fela, go ka nna le topo e e kwa godimo ya moento le fa go se na bokgoni jo bo lekaneng jwa go o dira - bokgoni joo ga bo teng mo Aforika.
Ke rata go go leboga go tsaya nako go buisa lekwalo le, e bile gape ke rata go go leboga ka tsholofelo ya gago ya kamego ya matlhagatlhaga mabapi le go tlhaeletsana le go tlhofofatsa maatla a bolwetse.
<fn>GCIS. LetterToTraditionalLeaders.2010-10-19.tn.txt</fn>
go kopa thuso ya gago le gore o nne le seabe le gore ofisi ya gago e e kwa godimo e tlhaeletsane ka nonofo melaetsa e megolo ya Mokgotlhwane wa A (H1N1) 2009 mo setšhabeng sa gago.
Leina la semmuso la saense la bolwetse jo ke leroborobo la mokgotlhwane wa A (H1N1). Bo simolotse kwa Mexico le Dinaga tse di Kopaneng tsa Amerika ka Moranang ngwaga o. Bo ne bo itsege pele e le mokgotlhwane wa dikolobe, ka gonne go ne go akanngwa gore bo simolotse mo dikolobeng. Ga jaana go dumelwa gore ke motswako wa dielemente tsa batho le dinonyane. Ka jalo bolwetse ga bo ikamaganye ka gope le go ja nama ya kolobe kgotsa dikumo tsa kolobe. Jaanong bo kaiwa fela e le leroborobo la mokgotlhwane kgotsa go ka itlhophelwa leina la lone la semmuso, A (H1N1) 2009.
Go tloga ka Moranang monongwaga, mogare o ne wa anama ka bonako mo dinageng di le 166 lefatshe ka bophara. Mo Aforika, bo aname fela mo dinageng di le 16 go fitlha ga jaana. Ka nako e ke neng ke kwala lekwalo le ka yona, mogare o ne o amile batho ba le 177 457 (tlhomamiso ya laboratori) lefatshe ka bophara ka maso a le 1 457 a a tlhomamisitsweng.
Mo Aforika Borwa re na le dikgetsi di le 2 844 tse di tlhomamisitsweng le maso a le marataro ga jaana.
Morago ga kopano ya bone ya Komiti ya Tshoganyetso e e neng e tshwerwe ka 11 Seetebosigo 2009, Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo (WHO) o ne wa fetsa ka gore maemo a leroborobo a lefatshe ka bophara a fitlheletswe mme Mokaedi-Kakaretso, Ngk Margaret Chan, o ne a goeletsa leroborobo (kgato ya 6). Seno se kaya gore bolwetse bo anametse kwa dinageng mo dikgaolong tsotlhe tsa WHO e bile bo ne bo anama ka bonako. Fela, ke rata go gatelela gore go itsise leroborobo ga go kae gore bolwetse jo bo kotsi thata. Go kaya fela gore bo anama gotlhe.
Ka di 6 tsa Phukwi, WHO e ne ya tlhalosa go anama ga leroborobo mo dinageng tse di amegileng le kwa dinageng tse dintšhwa go sa tilwe gape go sa thibelege. Ka lesego, le fa go ka nna jalo, ba etse tlhoko gore batho ba le bantsi ba ba nnang le tshwaetso ya mogare ba tla nna mathwao a a botsatsa. Fela jaaka batlhankedi ba boitekanelo, ba fa gae le ba lefatshe ka bophara, re ntse re tshwenyegile ka maso a a tlhagileng go fitlha ga jaana (lefatshe ka bophara ke 0,8% mme mo Aforika Borwa ke 0,2% ya batho ba ba amegileng). Mogare o ama thata batho ba dingwaga di le 10 go fitlha go di le 29 - bontsi jwa batho ba ba kwa dikolong kgotsa kwa ditheo tsa thuto e e kgolwane.
WHO e gakolotse gore dinaga di tshwanetse go lebisa mogopolo mo go tlhofofatseng kutlwalo ya bolwetse mo baaging. Ka go dira seno, go tlhokega tlhaeletsano e e nonofileng.
Bolwetse bo anama ka lerothodi la tshwaetso (ke gore fa motho yo o nang le tshwaetso a gotlhola kgotsa a ethimola mme o bo o hema mowa o a ethimoletseng mo go ona kgotsa a gotlholetseng mo go ona, le fa a ka gotlholela fa fatshe mme o bo o hema mowa o o fao o ka tshwaetsega).
Palo e e kwa godimo ya batho e na le matshwao a a botsatsa mme ga ba na go tlhoka tlhokomelo ya kalafo e e kgethegileng.
batho ba ba nang le bolwetse jwa sukiri.
letshololo le matshwao a go latlhegelwa ke metsi mo mmeleng.
go otsela go go feteletseng le go idibala.
Mongwe le mongwe yo o nang le matshwao a a bogareng le a a feteletseng o tshwanetse go batla le go amogela thuso ya bonako ya kalafo.
Diteko tsa semmuso di diriwa ke Setheo sa Bosetšhaba sa Malwetse a a Tshelanwang, se se kwa Gauteng fela ga jaana se atoloseditswe kwa Kapa Bophirima. Go dira diteko go tla dirwa ka katlanegiso ya ngaka. Balwetse ba ba batlang tlhokomelo mo setheong sa setšhaba sa boitekanelo ga ba tshwanela go kopa diteko tsa laboratori. Re lemogile gore go ntse jalo kwa maphateng a boitekanelo a poraefete fela se ga se atlanegisiwe ke WHO. Dingaka di tshwanetse go alafa dikgetsi tse di belaelwang go ya ka dintlha tsa diporotokolo tse di tlametsweng ke Lefapha la bosetšhaba la Boitekanelo.
Kalafo e e tlhophilweng ke Tamiflu.
matshwao a a feteletseng.
Kalafo ya mogoso ka Tamiflu e tla lere gore go nne le kemokgatlhanong ya mogoso go molemo mme go dire gore o se nne mosola le mo bathong ba o ka bolokang matshelo a bona.
Maitemogelo a lefatshe lotlhe a supile gore go tswalwa ga dikolo le ditheo tsa thuto e kgolwane, marekelo a magolo le mafelotiro ga go a thusa sepe go fedisa go anama ga bolwetse. Mme go tlhodile dikgoreletso tse dikgolo tsa loago.
Re gakolola gore morutwana mongwe le mongwe, morutabana kgotsa modiri yo o nang le matshwao a a botsatsa a nne kwa gae. Fa go na le barutwana ba le bantsi le/kgotsa barutabana ba ba ntseng kwa gae, setheo se se amegileng se tshwanetse go ikgolaganya le Lefapha la Thuto, mme lona mmogo le bothati jwa boitekanelo le tla gakolola gore go tlhokwa gore go tsewe dikgato dife.
o se ke wa gotlholela mo diatleng tsa gago, o ka mpe wa gotlholela mo sejabaneng.
fa o pateletsega go gotlholela mo diatleng, o se tshware sepe sa dilo tse di jaaka ditshwaro sa setswalo, matlhabaphefo, bogodimo jwa ditafole kgotsa didirisiwa go fitlha o tlhapa diatla ka sesepa.
Fa o itemogela matshwao a a botsatsa, itunne gae, mme o se kopane le batho.
Ke rata go go netefaletsa gore borasaense ba dira sengwe le sengwe lefatshe lotlhe, ba dira le WHO go leka go tlhagisa moento. Fa dilo di ka tsamaya sentle, moento wa go nna jalo o tla nna teng mo dikgweding tse di mmalwa tse di tlang. Fela, go ka nna le topo e e kwa godimo ya moento le fa go se na bokgoni jo bo lekaneng jwa go o dira - bokgoni joo ga bo teng mo Aforika.
Ke rata go go leboga go tsaya nako go buisa lekwalo le, e bile gape ke rata go go leboga ka tsholofelo ya gago ya kamego ya matlhagatlhaga mabapi le go tlhaeletsana le go tlhofofatsa maatla a bolwetse.
<fn>GCIS. TowardsAFifteenYearReview.2010-10-19.tn.txt</fn>
Fa kgololosego e goroga ka 1994, batho ba mo Aforika Borwa ba tlhophile puso ya bone ya ntlha ya temokerasi go samagana le ditlamorago tsa tlhaolele - bogolosegolo go se lekalekane, bohuma le tlhaolele. E ne e tshwanetse le go busetsa naga kwa merafeng ya boditšhatšhaba eo e neng e kgapetse thoko Aforika Borwa ya tlhaolele.
Ka 2004, morago ga dingwa di le 10 tse temokerasi, go nnile le kgatelopele e ntsi, fela go tlhokega go dira go le gontsi. Le fa re samagane le ditlamorago tsa tlhaolele, diphetogo mo nageng ya rona di tlisitse dikgwetlho tse dintšhwa.
Kwa tshimologong ya Pakasome ya Bobedi ya Kgololosego, ba le bantsi ba ne ba sa ntse ba sa akarediwe mo ikonoming ya naga le go fitlhela karolo e e lekalekanang ya maungo a kgolo. Le fa go gontsi go tokafetse fao puso e nang le taolo - jaaka ditirelo tsa loago - dilo di tsamaile ka bonya fao puso e neng e ikaegile ka dikgato tsa ba bangwe, jaaka go tlhola ditiro. Puso ka boyone e tlhoka go nonofa le go neelana ka ditirelo tse di botoka.
Ditlhopho tsa 2004 di laoletse puso go tsenya tirisong mananeo go tsweletsapele - le go potlakisa - ditlhabololo tse di siameng le go rarabolola dikgwetlho. Go goeletswa tirisanommogo ya setšhaba sotlhe, puso e beile maikaelelo a go fokotsa bohuma le botlhokatiro ka halofo ka 2014.
Jaanong, morago ga dingwaga di le 15?
Motheo o adilwe ka Pakasome ya Ntlha ya Kgololosego mme diitshimollelo tse dintšhwa go tloga ka 2004 di beile Aforika Borwa mo tseleng ya kgolo e e potlakileng. Ka fa go je lengwe, dikgwetlho di nnile teng. Tse dintšhwa di tlhageletse ka diphetogo mo nageng ya rona le mo lefatsheng le re leng karolo ya lone.
Fa re ya kwa pele, re tlhoka go ithuta dithuto tsa bogologolo.
Mo dingwageng tse di gaufi le 15 tsa kgololosego, kutlwalo ya dipholesi tsa puso e nnile efe mo go thuseng Aforika Borwa gore e nne setšhaba se se ikaegileng ka tekatekano, go se tlhaole ka lotso le bong Puso e atlegile jang mo go direng seo e rulagantseng go se dira, mme se se ka tokafala jwang?
Tseno ke dipotso tse puso e di botsang fa e dira Tshekatsheko ya Dingwaga di le Sometlhano.
Patlisiso e dirilwe ke batho ba kwa ntle ka ga puso. Dipoelo di phasaladitswe jaaka tokomane ya puisano.
Maikaelel ke go rotloetsa mongwe le ongwe go bua ka merero eno fa naga ya rona e tswelela go aga setšhaba se se ntšhwa.
Dilo di tokafetse ka tsela efe Ke dilo dife tse di sa tokafalang?
Ke pharologano efe eo baagi le batho ka nosi ba e dirileng?
Tokomane e ke tshosobanyo ya Tshekatsheko ya Dingwaga di le Sometlhano tsa puso. Pegelo ka botlalo e mo webosaeteng ya Aforika Borwa (www.gov.za).
Go tloga ka 2004, tsepamo e nnile mo go tiiseng temokerasi le go tokafatsa tiragatso ya puso.
badiredi ba tlhabololo ya baagi - go katisitswe ba feta 3 000.
boeteledipele jwa setso seabe mo thulaganyong ya rona ya temokerasi.
neela baagi phitlhelelo ya tshedimosetso e bontsi jwa yone bo tshotsweng ke puso.
Batho Pele "Batho Pele" e le molawana kaelo mo Bodireding Pusong.
go setšhaba sotlhe.
Go aga Tirelo Puso - dingwaga tsa ntlha tse di 10 re dirile kgatelopele e e nametshang mo go kopanyeng tirelo puso e e kgaoganeng go nna tirelo puso e e golaganeng. Tirelo Puso jaanong e emela thata setšhaba sotlhe.
Molao wa Taolo ya Matlole a Setšhaba, 1999 le Molao wa Taolo ya Matlole a Bommasepala, 2003 e tokafatsa taolo ya matlole.
Thulaganyo, tebelelo le tlhatlhobo di a tiisiwa. Go na le dithulaganyo tsa botsamaisi jo bo botoka le bodiredi puso bo le bongwe.
Thuso e kgolo mo katisong e simolotse fa akatemi ya katiso ya badiredi puso e tlhomiwa ka Phatwe 2008.
Go tswa ka 2004, Project Consolidate e tlhodile bokgoni mo bommasepaleng ba le 136 bao ba nang le mathata a a kgethegileng. Ka 2006, mokgwatiro o tseetswe mo Lenanetemeng la Dingwaga di le Tlhano tsa Puso Selegae.
Koketsego ya boipelaetso e bontsha tlhokego ya go tiisa mekgwatiriso gore go nne le kamano ya ka gale magareng ga dikemedi le baagi.
Tirelo ya batho e tlhoka tokafatso mo dikarolong tse dintsi.
Makoa a go tsenya tirisong ditlamorago tsa matsholo a a kgatlhanong le bonweenwee.
Puso, bogolosegolo bommasepala, ba na le dikgwetlho mo go thapeng le go tsholeng batho ba e ba batlang.
Mananeo a loago a dirile go le gontsi go tokafatsa matshelo a batho fela go tlhokega ditharabololo tsa paka telele.
Dikerante tsa loago - se e nnile ntlha e kgolo mo go fokotseng palo ya batho ba lotseno la kwa tlase. Go ne go na le baamogeladitshiamelo ba le 2,5 ka 1999 - jaanong go na le go feta dimilione di le 12.
kgeleloleswe le motlakase.
Boleng jwa ditirelo tsa loago bo tlhoka go tokafadiwa.
Kwa ntle ga tekanyetsokabo e kgolo ya thuto, thulaganyo ka kakaretso e na le dikumo tse di bokoa.
Puso e ikaeletse go fetisetsa diheketara di le dimilione di le 24,9 tsa lefatshe la temo go bantsho ka 2014 - go fitlha ga jaana dimilione di le 4,8 tsa diheketara di setse di fetisitswe.
Kwa ntle ga bohuma jo bo welang tlase le kgolo e e potlakileng ya ikonomi, go se lekalekane ga lotseno ga go a fokotsega mme mo maphateng mangwe go oketsegile.
Koketsego ya ka bonako ya palo ya matlo e lerile tlhokego e kgolo ya ditirelo le thuso ya loago.
Thuto - mekgwa ya go tsweletsa thuto e lebilwe thata.
Thuto le Katiso ya Bagolo le Thuto Katiso e e Tswelelang (FET).
Palo ya baithuti mo Thutong e Kgolwane e godile go tsweng go 300 000 ka 1986 go ya go 750 000 ka 2005. Ikwadiso kwa dikholetšheng tsa FET e godile ka 34% go tswa ka 1998 go fitlha ka 2002.
Boitekanelo - mananeo a go aga ditleliniki, maokelo le ditheo tsa tlhokomelo ya boitekanelo a kaya gore 95% ya ma-Aforika Borwa jaanong ba nna bogautshwane jwa dikilometara di le tlhano go tsweng mo ditirelong tsa boitekanelo.
Dikgetse tsa malaria di wetse tlase go tsweng go 50 000 kwa bokhutlong jwa bo 1990 go fitlha ka bokana ka 5 000 ka 2007. Seelo sa katlego ya kalafi ya TB se go 70%.
Ka bo 1990, tshwaetso ya HIV e oketsegile ka bonako fela jaanong e wela tlase. Mo basading ba ba leng ka fa tlase ga dingwaga di le 20 ba ba tsenelang ditleliniki tsa pelegi, HIV e fokotsegile go tswa go 16% ka 2004 go fitlha go 13,5% ka 2006. Mo bogareng jwa 2008, go feta batho ba le 480 000 ba simolotse go dirisa kalafi ya antiretroviral.
Matlo - ka 2008, 3 132 769 ya matlo a a tlhwatlhwatlase e rebotswe, mme diyuniti di le 2 358 667 di konoseditswe. Se se neetse baagi ba le dimilione di le 9,9 matlo.
Lefatshe - lenaneo la pusetso ya mafatshe le fetiseditse dithoto tse di bokana ka dibilione di le R12,5 billion go baamogeladiatshimelo ba le 1,4 le dikerante tsa tshegetso tse di bokana ka dibilione di le R15,2.
Morago ga go siamisa ikonomi, tsepamo e fetogetse go kgolo e e potlakileng e e abelanwang.
Accelerated and Shared Growth Initiative for South Africa (AsgiSA) - go fokotsa bohuma ka halofo ka 2014, kgolo ya ikonomi e tshwanetse go nna palo gare ya 4,5 ka ngwaga go tswa ka 2004 go fitlha ka 2009 le 6% ka 2014. AsgiSA e tsepametse mo go rarabololeng dilo tse di emisang ikonomi gore e golele ka pele.
Kgolo - ikonomi e godile ngwaga mongwe le mongwe go tloga ka 1994, e golela go tswa ka 2006. E godimo ga maikaeleo a 4,5 a 2004-2009.
Tiro - botlhokatiro bo oketsegile morago ga 1994, ka 31% ka 2003. Morago ga foo, ya wela fatshe, mme e ne e le 23% ka 2007.
Sekoloto le infoleišene - puso e fokoditse sekoloto sa yone go tsweng gaufi le halofo ya dikumo tsa naga ka ngwaga ka 1994 go ya tlase ga 20%.
infoleišene e ne e le 19% ka 1991. Go tloga ka 1994, e nnile ka fa tlase ga 10% go fitlhelela ka 2008.
Dipeeletso le dipoloko - dipeeletso di oketsegile mo dingwageng tse di mmalwa tse di fetileng. Puso e beeletsa dibilione di le R482 mo mafaratlhatlheng magareng ga 2008 le 2011. Peeletso ya setlamo sa poraefete e kwa godimo go feta ka fao e neng ele.
Pholesi ya madirelo - Letlhomeso la Bosetšhaba la Pholesi ya Bosetšhaba le Thulaganyo ya Tiro ya Ikonomi ya 2007 e tla potlakisa bokgoni jwa Ikonomi go tlamela ka dithoto le ditirelo.
Kgaisano - go tloga ka 2002, Khomišene ya Ikonomi e tshotse kgato e e thata go netefatsa gore kgaisano e e tlhamaletseng le peotlhwatlhwa ya madirelo a magolo e sa ntse e gatelela madirelo a rona.
Matlafatso - Molao wa Matlafatso ya Ikonomi e e Atolositsweng ya Bantsho o amogetswe ka 2003 mme Melawana ya Tiragatso e e Siameng ka 2007.
Kemedi ya bantsho e fitlheletse 22% mo botsamaising bogolo ka 2006, mme 27% mo botsamaising bogolwane.
Tlhabololo ya bokgoni - bothati jwa maphata a thuto le katiso le Letlole la Bosetšhaba la thuto le katiso le Letlole la Bosetšhaba la Bokgoni le tshisintse ditsereganyo tsa tlhabololo ya bokgoni go thusa bašwa ba ba sa direng le ba ba nang le bokgoni jo bo kwa tlase.
Joint Initiative for Priority Skills Acquisition (Jipsa) e lerile dialogane tse dintsi tsa boenjenere le ikwadiso ya babetli/baitseanape go thapa dialogane di le 15 000 mo ditlamong.
Ikonomi ya Maemo a Bobedi - Lenaneo le le Atolositsweng la Ditirelo tsa Setšhaba (EPWP) le tlhodile ditšhono tsa ditiro di le milione o le mongwe - ngwaga kwa pele ga maikaelelo a lone a 2009.
Puso e atolositse le go tshegetsa dikgwebo-potlana.
Leano le le Golaganeng la Tshireletso ya Dijo le mananeo mangwe a porofense go thusa temothuo ya kwa gae a bontshitse tokafalo e e bonya.
Mananeo a a farologaneng a golagane le beng ka fa tsweletsong ya metseletsele ya temotheo mo dikgweng, tshukiri le maokwane.
Dingwaga di le tlhano di beile fa mpaananeng makoa mo ikonoming ya rona ao a e thibelang gore e gole ka fao re batlang. AsgiSA e lemogile mathata a fela go tlhokega gore re dire go le gontsi.
Botlhokatiro e sa ntse e le kgwetlho mme batho ba le mmalwa ba mo tirong kgotsa ba batla tiro fa go bapisiwa le dinaga dingwe tse di golang.
Lephata la rona la kgwebo-potlana le lennye fa go bapisiwa le dinaga dingwe tse di golang.
Re tlhoka go fitlhelela mananeo a ikonomi ya maemo a bobedi ka kutlwalo e ntsi go na le dingwe tsa sekale tlase.
Morago ga go aga sešwa ditheo tsa bosiamisi le bosenyi, tsepamo e nnile mo go di direng gore di nonofe go isa bosenyi tlase.
Go aga sešwa le go tiisa mafapha - Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS), dikgotlatshekelo le Dikgolegelo go fetogile go nna didiriswa tsa tlhaolele go neelana ka pabalesego le tshireletsego go botlhe.
Go tlhabolola thekenoloji le go oketsa badiri go thusa go ba dira gore ba nonofe. Ka 2010, SAPS e tla nna le maloko a le 193 240.
Tlhabololo ya thulaganyo ya bosiamisi le bosenyi ke puso le kgwebo go lerile ka 2008 dikgato tse dingwe go tiisa thulaganyo.
Kagosešwa ya bosiamisi - mo bogareng jwa 2007, baatlhodi ba le 52% le bomagiseterata e ne e le bantsho mme 30% e le basadi.
Dikatlholo tsa Kgotlatshekelo ya Molaotheo di gokagantswe le Molaotheo wa temokerasi. Dikgotlatshekelo tse dintšhwa di tlhamilwe go tokafatsa phitlhelelo ya bosiamisi, jaaka dikgotlatshekelo tsa tekatekano; dikgotlatshekelo tsa ditleleimi tse di nnye; le dikgotlatshekelo tsa tikologo.
Mekgwa ka kakaretso - bosenyi jo bontsi bo a siama kgotsa boa fokotsega fa go bapisiwa le 1994. Fela go nnile le tshuto go ya kwa bosenying jwa dikhuduego.
Go samagana le kgwebeleano kwa dikgolegelong, matsapa a a jaaka go aga dikgolegelo tse dintšhwa; porojeke ya ba ba emetseng go sekisiwa; le parolo go setse go dirilwe - fela bothata bo godile.
Semphatho le puso jaaka diforamo tsa sepodise sa baagi le Kgwebo Kgatlhanong le Bosenyi se godile - fela go sa ntse go tlhokega go le gontsi.
Bosenyi jwa dikhuduego kgatlhanong le basadi le bana - go fedisa bosenyi jo bo jaana e nnile selo sa pele. Dikgotlatshekelo di le 63 tse di kgethegileng le Ditheo tsa tlhokomelo tsa Thuthuzela tse di tshegetsang batswasetlhabelo di tlhomilwe.
Dikatlholopotlana le diphetogo tsa ga jaana go Molao wa Ditlolomolao tsa Thobalano le Molao wa Bana o tiisa seatla sa puso mo go lwantsheng tshotlako.
Letsholo la malatsi a le 16 a Kgatlhanong le Dikhuduego mo Basading le Bana le thusitse go tsibosa baagi kgatlhanong le tshotlako.
Ka 2008, molao o tlhagisitswe go kopanya Diyuniti tsa Bosenyi tsa DSO le SAPS go nna Lekala le le nosi ka fa gare ga SAPS.
Dithunya tse di seng mo molaong - SAPS e sentse go feta 500 000 ya dithunya tse di seng ka fa molaong go tloga ka 2000. Molao o o gagametseng wa dilaesense tsa dithunya o tokafaditse taolo ya dithunya.
Dikhuduego tsa sepolotiki - dikhuduego tsa sepolotiki di fokoditswe mo dingwageng tsa ntlha tsa temokerasi. Khomišene ya Nnete le Poelano e thusitse thata go samagana le kgatako ya ditshwanelo tsa botho ka fa tlase ga tlhaolele.
Taolo ya melalwane - komiti tsa mafapha a a farologaneng le thekenoloji e e botoka di tokafaditse taolo ya melalwane ya naga.
sepodisi, dikgotlatshekelo le dikgologelo di tlhoka didiriswa tse dingwe, tiriso e e botoka ya tsone le kgato e e golaganeng thata.
Dikhuduego le bosenyi jo bo rulagantsweng ke dikgwetlho tse di kgethegileng.
Tlhaelo ya pholesi ya khudugo e nyatsa kgokaganyo e e nonofileng.
Go tlhokega letsholo le le golo la gore setšhaba se tseye karolo mo go lwantsheng bosenyi.
Kamogelesego ya dingwe tsa ditheo tsa tshaimiso ya bosenyi di ka fa kgatelelong ya mekgwa ya dipuo phatlhalatsa le matsholo kgatlhanong le batlhankedi ba bagolwane.
Aforika Borwa e nnile karolo ya dinaga tsa boditšhabatšhaba, e direla dikgatlhegelo tsa naga, tsa Aforika le tsa lefatshe le le tlhabologang.
Dikamano tsa sedipolomate - ka 1994, Aforika Borwa e nnile fela le baemedi ba le 65 kwa moseja - ka 2008 go ne go na le Borongwa bo le 121. Borongwa mo Aforika bo godile go tswa ka 17 go fitlha ka 45.
Ditiragalo tsa boditšhabatšhaba - Aforika Borwa e tshotse ditiragalo tse dintsi tse kgolo go tloga ka 1994, jaaka Sejana sa Lefatshe sa Rugby (1995), Non-Aligned Movement Summit (1998), World Summit on Sustainable Development (2002) and World Association of Newspapers Conference (2007), ebile e gapile tetla ya go tshola Sejana sa FIFA sa Lefase sa 2010.
Ditheo tsa kontinente - Aforika Borwa e nnile seabe mo kgabaganyong go tsweng go Organisation of African Unity go ya go African Union, e tshotse Pan African Parliament le go thusa go dira gore African Union (AU) le Khansele ya Kagiso le Tshireletsego e dire.
New Partnership for Africa's Development - Nepad e nnile letlhomeso la puisano ya lefatshe lotlhe le Aforika.
African Peer Review Mechanism (APRM) - Aforika Borwa ke nngwe ya dinaga di le supa tse di dirileng tshekatsheko ya bankane. E akgoletswe go nna le ditiragatso di le 18 tse di tokafetseng mme e amogetse Thulaganyo ya Tiro e e utlwagalang go rarabolola makoa a a supilweng mo tsehekatshekong.
Kagiso - Aforika Borwa e nnile le seabe mo tharabololong ya dikgotlhang le go tlisa kagiso kwa Democratic Republic of Congo, Burundi, Sudan, Ethiopia-Eritrea, Côte D'Ivoire, Liberia, the Comoros le Zimbabwe.
Dipeeletso le kgwebisano le dinaga tsa Aforika - Aforika jaanong ke lefelo la bone le le golo la thomelontle.
Go tiisa Dinaga tse di Tlhabologang tsa Borwa jwa Aforika (SADC) - puso e dira le dinaga tsa SADC gore go nne le kgolagano e kgolo. Go tlhomiwa ga SADC Free Trade Area ka Phatwe 2008 go tla lere kopano ya makgetho le mebaraka e e tshwanang. Tirisanommogo mo Tshireletsong e oketsegile ka Lekala la Kagiso le Tshireletsego, Thulaganyo ya go sale Gale ya Tsiboso ya Kgaolo, Setheo sa Katiso sa go Tshola Kagiso sa Kgaolo le Mokgatlho wa SADC.
Go tlhola dikamano tsa tlhabololo le lefatshe le le botoka - Aforika Borwa e dirile go tiisa tirisanommogo magareng ga dinaga tse di tlhabologang, go dira botsalano le dinaga tse di jaaka Brasil, India le China.
Dikamano le dinaga tse di tlhabologileng di a tokafatswa go tsweletsa Aforika Borwa le Aforika go tsweletsa go ya kwa thulaganyong e e siameng.
Aforika Borwa e nnile leloko le e seng la leruri la Khansele ya Tshireletsego ya Ditšhaba Kopano (UN) mo dingwageng di le pedi. E diretse go amogela UN Charter, dikamano tsa bontsi le dikamano tse di thata magareng ga UN le AU.
Go bapatsa Aforika Borwa le Aforika - go nnile letsholo go tloga ka bo 1990 go tsweletsa Aforika Borwa. Bojanala bo goletse ka bonako, bo tlhola go feta ditiro tse di sa tlhamalalang di le 400 000.
Sejana sa Lefatshe sa 2010 ke tšhono e kgolo ya go bapatsa naga, go dira le Aforika yotlhe go tokafatsa seriti sa kontinente.
Go tsenya tirisong go go potlakileng ga Nepad le maemo a a botoka a kgaolo e nna kgwetlho e kgolo.
Go na le tlhokego ya tepatepanyo e e botoka ya bodipolomate jwa sepolotiki le ikonomi le pholesi e e tiileng ya boditšhabatšhaba ka fa gare ga Aforika Borwa.
Tsepamo e e kgethegileng mo maphateng ao bontsi a amilweng ke ditlamorago tsa tlhaolele a thusitse go tokafatsa matshelo a bone.
Dipholesi le mananeo - melao, dipholesi le mananeo di tlhodilwe - Go na le dithulaganyo tsa kgokaganyo mo Kantorong ya Boporesitente le dikantoro tsa ditona go tsweletsa mananeo a. Mekgatlho e e tsweletsang dikgatlhegelo tsa ditlhopha tse di Ikaeletsweng di akretsa Khomišene ya tekatekano ya Bong, Khansele ya Bogakolodi ya Ditshwanelo tsa bana, Dikhomišene tsa bosetšhaba le tsa diporofense le Letlole la Bašwa le Umsobomvu.
Tiro le botsaya-tshweetso - ka 2004, Kabinete e nnile le basadi ba le 40%. Kemedi ya basadi mo pusong ya porofense le ya selegae e oketsegile. Go feta 30% ya batsamaisi bagolo mo pusong ke basadi, fela lephata la poraefete le saletse morago tebang le se.
Ditirelo - go ikaelela ditirelo go bahumanegi go kaya gore basadi ba le bantsi le bana ba ungwa mosola. Phitlhelelo ya metsi, motlakase le mafaratlhatlha a tlhaeletsano a dira pharologano e kgolo go basadi le bašwa.
Dikerante - go tsweng mo bathong ba le dimilione di le 12 bao ba amogelang dikerante, ba le dimilione di le robedi ba amogela Dikerante tsa Tlamelo ya bana. 53% ya matlo a a tlhwatlhwatlase e ile kwa malapeng a a eteletsweng pele ke basadi.
Boitekanelo - phitlhelelo e kgolo mo ditirelong tsa boitekanelo le tlhokomelo ya mahala ya boitekanelo jo bo potlana e tswetse ditlhopha tse di ikaeletsweng mosola.
Phepelo tlase e e feteletseng mo baneng ba ba leng ka fa tlase ga dingwaga di le tlhano e fokotsegile go tsweng go dikgetse di le 88 971 ka 2001 go fitlha go di le 28 165 ka 2007. Palo ya bana ba ba bolawang ke tlala e wetse tlase go tswa go 31% ka 2002 go fitlha go 16% ka 2006.
Thuto - thuto e e patelediwang go bana ba dingwaga tsa bogolo jo bo leng magareng ga supa le 15 e dirile gore go nne le bana ba le bantsi kwa dikolong - bokana ka ikwadiso ya 100%.
Ditheo tsa FET di tlhankgolotswe ka 1998, di thusa bašwa go tlhabolola bokgoni. Ka 2007, dibilione di le R1,3 di ile kwa National Student Financial Scheme.
Ikonomi - basadi, bašwa le batho ba ba nang le bogole e nnile baamogeladitshiamelo bagolo ba thutelatirong ya dialogane, thutelatirong ya barutwana, mananeo a tirelo a bašwa, EPWP, diphisegelo tsa bogwebi le dikgwebo-potlana.
Ditsereganyo jaaka AsgiSA le Jipsa e tsepametse mo tlhabololong ya basadi le bana.
Dikhuduego tsa bosenyi mo basading le bana di tswelela go nna kgwetlho e kgolo.
Go thapiwa ga batho ba ba nang le bogole mo ditheong tsa botlhe le tsa poraefete e fokotsegile ka fa go tshwanetseng.
Botlhokatiro bo kwa godimo thata mo basading le bašweng.
Dingwaga di le sometlhano mo temokerasing ya rona, go dirilwe go le gontsi go fedisa ditlamorago tsa tlhaolele le go aga setšhaba se se ntšhwa se se siameng. Halofo mo Ngwagasomeng wa Bobedi wa Tokologo, Aforika Borwa e potlaketse ka bonako mo kelong ya kgolo le tlhabololo.
Fela ga go a lekana.
Ke molebo ofe o mogolo o o tla kgontshang puso le naga go tswelela le go tsweletsa kelo e e sentseng e potlakile ya kgolo le tlhabololo, go na le gore e tswelele mo tseleng ya ga jaana?
A dikgwetlho di ka fitlhelelwa ka matsapa a a oketsegileng a bosetšhaba go ikaegilwe ka tirisanommogo e e anameng ya puso le batho le go tsepamela mo dintlhapeleng di le mmalwa?
Sengwe le sengwe se se dirilweng, go ya kwa pele go tla tlhoka go ikaega mo megopolong mengwe, jaaka: go potlakisa kgolo le go aga ikonomi sešwa, go lwantsha bohuma, go tlhola momagano ya loago, tirisanommogo ya boditšhabatšhaba le go aga naga e e nonofileng e e golang.
Kgolo e e potlakileng e abelanwa e botlhokwa go fokotsa botlhokatiro le bohuma. Mo go je lengwe, bokgoni jwa ntsho dikumo bo tlhoka go tokafatswa gore re kgone go golela ka bonako, re thape badiri ba bantsi, netefatse kgaisano, re oketse dithomelontle le go netefatsa maemong a a tokafetseng a dikgwebo-potlana. Go tlhokega gape go tlhola mananeo a ikonomi ya maemo a bobedi a a nang le kutlwalo e kgolo. Go tla nna le tlhokego ya go lemoga tshuto mo ditshenyegelong tsa motlakase le go sireletsa tikologo.
Mekgwa ya go fenya bohuma ke pinagare ya leano le le utlwagalang le le leng kgatlhanong le bosenyi leo puso e le tlholang. Go tlhokega go tlosa maparego otlhe ao a dirang gore naga e nne le maphata a a bokoa a dikgwebo-potlana mme batho ba le bantsi ba ba kgonang ba tla se rotloediwe go batlana le tiro.
Go lwantsha bohuma go tlhoka matsapa a le mantsi mo go oketseng dikgonagalo tsa batho gore ba tsene mo mebarakeng ya ditiro le go itirela dikgwebo-potlana. Thuto e na le kgono e kgolo ya go kgaola tshekeletsa ya bohuma.
Go netefatsa setšhaba se se edileng go tlhoka phokotso ya go tlhoka tekatekano ka phitlhelelo ya ditšhono tsa ikonomi go botlhe ga mmogo le go tsweletsa pele ditshenyegelo tsa puso tse di ikaegileng ka bahumanegi.
Sa ntlha mo momaganong ya loago ke ditheo tsa botlhe tse di amogelesegang. Se se tlhoka tirelo e e botlhokwa ya puso, mekgwatiriso e e tokafetseng ya botsaya karolo jwa botlhe le go fokotsa bosenyi le bogwenegwene. Mo go je lengwe, setšhaba se na le maikarabelo a go tlotla le go sireletsa kamogelesego le bothati jwa ditheo tsa puso.
Go aga setšhaba se se momaganeng gape go tlhoka tsweletso ya kitlano le tlhokomelano magareng ga ma-Aforika Borwa otlhe go na le dielo/mekgwa ya botshikanosi. Go tlhokega gore puso le setšhaba di dirisane mmogo go tlhola thulaganyo ya dielo/mekgwa e mentšhwa.
Tiro e ntsi e dirilwe go tiisa semphatho go ralala lefatshe bogolosegolo mo Aforika le mo Borwa. Go tlhokega gore re tswelele, re ntse re baya kwa pele Aforika le dinaga tsa Borwa re ntse re tsweleditse botsalano le dinaga tsa madirelo. Go tiisa togamaano ya semphatho go tla thusa go tsweletsa dikgatlhegelo tsa rona tsa bosetšhaba, le tiriso ya didiriswa tsa rona go tlhabolola Aforika.
e tlhoka gape go tiisa mekgwatiriso gore go nne le kamano ya ka gale magareng ga baagi le dikemedi tsa setšhaba.
Ke dilo dife tse di botlhokwa thata tse o akanyang gore puso e ka di dira ka go dirisana le wena?
Go bona tshedimosetso ka botlalo ka ga mananeo le ditirelo tsa puso, ikgolaganye le: www.gcis.gov.
<fn>GCIS. Zfold16days.2010-10-19.tn.txt</fn>
Malatsi a le 16 a Kgaratlhelo: E e leng Kgatlhanong le Tshotlakako ya Basadi ke letsholo la boditšhabatšhaba le le diragalang ngwaga le ngwaga go simolola ka di 25 Ngwanatsele (Letsatsi la Boditšhabatšhaba le le Kgatlhanong le Tshotlakako ya Basadi) go fitlha ka di 10 Sedimonthole (Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Ditshwanelo tsa Botho).
Ka nako e, Puso ya Aforika Borwa e tsweletsa Letsholo la Malatsi a le 16 a Kgaratlhelo leo le ikaelelang go oketsa tsiboso ka ga kutlwalo e e bosula ya tshotlakako ya basadi le bana. E ikaelela gape go dirisa letsholo le go ngoka maphata otlhe a setšhaba go tsaya kgato kgatlhanong le tshotlakako.
Puso e itlamile go aga setšhaba se se rekegelang le go nna le kagiso, seo se sireletsang basadi le bana kgatlhanong le mefuta yotlhe ya tshotlakako. Fa Letsholo la Malatsi a le 16 a Kgaratlhelo le diragala go tswa ka di 25 Ngwanatsele - 10 Sedimonthole ngwaga mongwe le mongwe, maitlhomo a lone a tsosoloswa ke Lenaneo la ngwaga otlhe la Malatsi a le 365 le Leano la Bosetšhaba.
Ngwaga mongwe le mongwe, puso, ka tshwaraganelo le mekgatlho ya baagi le lephata la kgwebo, e tswelela go dira mmogo go atolosa kutlwalo ya letsholo. Ka go tshegetsa letsholo le, diketekete tsa ma-Aforika Borwa di thusitse gape go oketsa tsiboso ka ga tshotlakako le go tlhola tshegetso ya batswasetlhabelo le bafalodi ba tshotlakako.
Tshegetsa letsholo ka go apara ribone e tshweu ka paka ya malatsi a le 16: Ribone e tshweu ke sesupo sa kagiso mme e supa maitlamo a moapari gore a ka se dire kgotsa a etegetsa tshotlakako kgatlhanong le basadi le bana.
Tsenela letsholo la Diapuisano ka Khompiutara: Dipuisano ka khompiutara di simolotswe go tsweletsa dipuisano mo inthaneteng magareng ga batho go buisana ka merero e e amanang le tshotlakako ya basadi le bana. Go bona tshedimosetso ka botlalo e ya go: www.genderlinks.org.za kgotsa etela Setheo sa Tirelo ya Thusong ya selegae.
Tsaya karolo mo ditiragalong le ditiro tse di farologaneng tsa Malatsi a le 16 a Kgaratlhelo: Go na le ditiragalo tsa khalentara tse di diragalang go ralala naga go tswa ka di 25 Ngwanatsele go fitlha ka di 10 Sedimonthole. Go bona ditiragalo tsotlhe, e ya go: www.womensnet.org.za/calendar.shtml.
Ithaope mo go tshegetseng mekgatlho e e seng ya puso le ditlhopha tsa baagi tse di tshegetsang basadi le bana: Mekgatlho e mentsi e e thusang batswasetlhabelo le bafalodi ba tshotlakako e tlhoka thuso go tswa kwa bathong. O ka ithaopa ka nako ya gago le go nna le seabe mo tirong ya go thusa ba bangwe. Batla mokgatlho mo lefelong la gago o o ka tsayang karolo mo go one. O ka nne wa fitlhelela kaedi ya mekgatlho e e thusang go: www.csvr.org.za.
Dikabelo: O ka aba madi go mekgatlho go fedisa tshotlakako kgatlhanong le basadi le bana ka go nna le seabe mo Mokgatlhong wa Ditshwanelo tsa Botho. Ga go na madi a mantsi kgotsa a mannye a abeilweng go ka abelwa - go tswa mo go wena! Go bona tshedimosetso ka botlalo, e ya go: www.fhr.org.za kgotsa leletsa 012 440 1691.
Bua kgatlhanong le tshotlakako ya basadi le bana: Rotloetsa basadi ba ba didimetseng go gwetlha tshotlakako. Bega tshotlakako ya bana kwa mapodising.
Tsenela Foramo ya Sepodisi sa baagi (CPFs) kgotsa Diforamo tsa Pabalesego ya Baagi (CSFs): Baagi le diteišene tsa selegae tsa sepodise ke semphatho se se matlhagatlhaga mo go netefatseng pabalesego le tshireletsego ya selegae. Ka go tsenela CPF kgotsa CSF ya selegae, o ka thusa go lwantsha bosenyi mo lefelong la gago. Go bona tshedimosetso ka botlalo ya ka fao o ka tsenelang, ikgolaganye le seteišene sa gago sa selegae.
Fa o sotlakilwe ka mokgwa mongwe kgotsa fa o itse mongwe yo o sotliwang, thusa - bona thuso.
<fn>GOV-ZA.10111.2010-03-25.tn.txt</fn>
E ke tikwatikwe ya diura di le 24 ya go bega bosenyi ka dingongorego go tswa go baagi. Go ka dirisiwa mogala wa telkom kgotsa selula. Megala yotlhe e e yang kwa tikwatikweng e e a gatisiwa.
Ela tlhoko: Leletsa mogala o fela ka maemo a tshoganyetso.
se thibela batho ba ba mo maemong a a kotsi mme ba tlhoka thuso ya sepodisi e le tshenyo ya nako ya sepodisi ka ntlha ya fa batlhankedi ba ka tshwanelwa ke go kgweetsa kgotsa go fofela kwa lefelong le le kailweng tshenye ya didiriswa tsa sepodisi ka ntlha ya fa batlhankedi ba ka bewa kwa mafelong a a senang maemo a tshoganyetso.
Mabapi le dingongorego tse di seng matshosetsi le dipotso ka kakaretso, leletsa seteišene se se gaufi sa sepodisi.
Leletsa mogala wa 10 111 gongwe le gongwe mo Aforika Borwa.
Tshedimosetso e a gatisiwa mme o newa nomoro ya boitshupo go ka e dirisa mo kgolaganong ya gago le bona mo nakong e e tlang.
Ngongorego e neelwa Tikwatikwe ya Ditirelo tsa Setšhaba tsa SAPS, serori sa karolo eo kgotsa Serori sa Flying Squad e e gaufi.
Megala yotlhe e arabiwa ka bonako jo bo kgonegang.
Ga go na diforomo tse di tladiwang.
<fn>GOV-ZA.2008PolPardon_AppForm[AllegedPolitically]Setswana.2010-03-25.tn.txt</fn>
3.3 (a) A o ne wa sologelwa ka sebele ka tsela epe ka ntlha ya go dira molao/melato?
Fa go le jalo, tlhalosa mofuta le bogolo jwa mesola / melemo eo.
Ke maikaelelo afe a sepolotiki, fa a le teng, a o neng o batla go a fitlhelela ka go dira molato/melato e?
A mokgatlho, setheo, lekgotla kgotsa lekoko la kgololesego la gago le amogetse mesola mengwe ka ntlha ya go dirwa ga melato e?
3.5 (a) A o ne o le motlhankedi / motshwaramaemo/tokololo/morotloetsi wa lekoko lepe la sepolotiki/setheo/lekgotla/lekgotla la kgololesego ka nako e go neng go dirwa molato kgotsa melato e fa go le jalo, o ne o dira o le mo maemong afe?
Bolela mabaka gore go tla siamela setšhaba jang gore Poresitente a go itshwarele.
A o kopile boitshwarelo mo TRC?
5.3 Fa o gololwa ka parole, ke melawana efe e e laolang go fiwa parole?
Kgatiso ya mmatota ya menwana ya gago.
Khopi e e rurifaditsweng ya tsebe ya ntlha ya lekwalokaong (ID) la gago.
Mametlelelo A e e tladitsweng ke lekgotla/setheo/mokgatlho/lekoko la kgololesego, fa e le gore le etleetsa kopo ya gago.
Mokwalo ope o o leng teng tebang le kagoseswa ya botho (rehabilitation).
Nna Maina ka botlalo le sefane ke bolela gore tshedimosetso e e fa godimo e boammaaruri e bile e nepagetse.
A o tlhaloganya diteng tsa polelo e?
A o na le kganetso epe kgatlhanong le go dira maikano a a filweng?
A o tsaya maikano a a beilweng a tlama segakolodi sa gago?
A. Ke rurifatsa gore ke boditswe dipotso tse di umakiliweng fa godimo le gore dikarabo tsa tsona jaaka di kwadilwe fa godimo di kwadilwe ke le teng.
B. Ke rurifatsa gore mmoledi o dumetse gore o itse e bile o tlhaloganya diteng tsa polelo eno, e a ikanneng ka yona fa pele ga me, e bile tshaneo ya Mmoledi e ne ya bewa mo go yone fa pele ga me.
A o tlhomamisa ka bomasisi diteng tsa polelo e?
A. Ke rurifatsa gore ke boditswe dipotso tse di umakiliweng fa godimo le gore dikarabo tsa tsona jaaka di kwadilwe fa godimo di kwadilwe ke le teng.
B. Ke rurifatsa gore mmoledi o dumetse gore o itse e bile o tlhaloganya diteng tsa polelo eno, e e tlhomamisitsweng fa pele ga me, e bile tshaneo ya Mmoledi e ne ya bewa mo go yone fa pele ga me.
<fn>GOV-ZA.419advancefeefraudandlotteryscam.2010-03-25.tn.txt</fn>
Selo se se bidiwang Lekwalo la Botsietsi la Nigeria ke tuelopele e e boteng ya tsietso. Tsietso e gape e itsegeng ka leina la "419 scam" mme e dirisiwa ke motsietsi, gantsi ke tokololo ya sindikheite ya bosenyi.
Botsietsi jo bo simolola ke motsietsi ka go ikgolaganya le setlamo beilweng leitlho, e ka nna ka fekese, poso kgotsa ka emeile. Go le gantsi, tlhagiso ya kgwebo e diraw ke sindikheite e e itirang jaaka e kete ke batlhankedi ba puso ba ba kwa godimo. Batsietsi ba itlhagisa ka gore ba na le madi a a fetang tekanyo, gantsi ba a bitsa ka didolara tsa Amerika. Tlhagiso e bontsha go fetisediwa ga madi a a fetang tekanyo go ya kwa akhaotong mo nageng e e kwa ntle kwa Botsietsi jo bo simolotseng teng.
Motswasetlhabelo a ka kopiwa go tsenya madi mo akhaotong ya banka e e rileng go thusa go duelela ditshenyegelo go wetsa kgwebisano.
Fa tuelo ya ntlha e setse e duetswe, "mathata "a ka nna a tsoga a a ka dirang gore go duelwe madi a mangwe gape.
Kopano e ka nna ya rulaganngwa mo dinageng tse dingwe, mme fa e le gore motswasetlhabelo o mo nageng e e tlhophilweng, phaseporoto ya gagwe e ka nna ya tsewa, mme ena a tshwarwa go fitlhela madi a a batliwang a duelwa.
Botsietsi jwa lothari bo simololwa ke motsietsi yo o ikgolaganyang le batho bangwe ka bophara, gantsi ka tiriso ya emeile. Motsietsi o itlhagisa jaaka motlhankedi wa Setlamo sa Lothari mme o gakolola batho bongwe ka bongwe gore ba amogetse madi a go tlhophiwa mo lotharing, le fa motho a sa reka thekete. Dinomoro tse di atlegileng di tla bidiwa ka kwalelano le fa go ntse jalo, Setlamo sa Lothari se motsietsi a reng o mo go sona, o ka fitlhela se le teng ka tota, mme dinomoro tse a di bitsang e ka nna tsona tse di atlegileng , se, ke Botsietsi.
http://www.saps.gov.za/crime prevention/commercial ... crime/419 ... scams/419 ... index.htmmalebana le botsietsi jo bo leng teng, e ya go webosaete ya Ditirelo tsa Sepodisi sa Aforika Borwa mo go nang le dintlha tse di amanang le ditiragalo tse tsa dithulaganyo, ditshupo tsa botsietsi, se se ka diragalang, ditsela tse di farologaneng tse ka tsona madi a ka bonwang go tswa go motswasetlhabelo, ga mmogo le ditsela tse di ka tsewang kwa tshimologong go thibela botsietsi, le tsona di a bontshiwa ka botlalo.
Fa o batla go bona tshedimosetso e nngwe gape, e ya go Sepodisi sa Ditirelo sa Aforika Borwa.
Bontsha gore "Go na le tshenyegelo ya madi" kgotsa "Ga go na tshenyegelo ya madi" mo ditokomaneng.
Neelana ka bonno, diaterese le megala ya gago kgotsa tsa batho ba ba amegang.
Mo ditirelong tsotlhe tse di amanang le botsietsi, Tireloboemong jwa semmuso jwa boditšhabatšhaba jo bo golaganyang ditirelo tsa sepodisi tsa setšhaba se e leng tokololo se tla ikgokaganya le Yuniti ya Tshenyo ya Kgwebo ya Ditirelo tsa Sepodisi sa Aforika Borwa.
Neelana ka dintlha tsa botlhokwa tsa mo o bankang madi a gago teng.
Bontsha gore "Go na le ditshenyegelo" kgotsa "Ga go na ditshenyegelo".
Fa e le gore go na le kgolaganyo ya Aforika Borwa mo tiragalong ya "419", neelana ka dintlha tsotlhe tse di nepagetseng.
Neelana ka bonno, diaterese le megala kgotsa tsa batho ba ba amegang.
Ditirelo tsa Sepodisi sa Aforika Borwa se tlhotlhomisa nako e dipegelo di tshwanetseng go ntshiwa ka yona.
Dipegelo tsa tswelopele di ka se ke tsa romelwa mo bathong fa e le gore ga go na ditshenyegelo dipe.
Bodiredi jwa Boditšhaba jwa Aforika Borwa jo bo leng kwa moseja, bo tshwanetse go romela ditokomane tsa ditiragalo mo e leng gore go na le ditshenyegelo tsa SAPS mo diureng di le 48 morago ga go amogela ditokomane tseo.
Tirelo e, ga e duelelwe.
Ga go na diforomo, fela go botlhokwa go bontsha mo ditokomaneng fa e le gore go na le madi a a dirisitsweng.
<fn>GOV-ZA.42837_PeoplesGuidetotheBudgetSetswana.2010-03-25.tn.txt</fn>
Ikonomi ya lefatshe e mo seemong se se masisi go feta mo dingwageng tse di fetileng. Go ya ka pego ya International Labour Organisation batho ba le dimilione di le 18 ba lebagane le go latlhegelwa ke ditiro tsa bona mo ngwageng o. Palo e go bonala e ka tlhatlhogela kwa godimo. Lefatshe lotlhe le amilwe ke seemo se sa ikonomi e e koafetseng.
mantsi go kaya United States, Brithani le France go tota go boifisa.
Borwa yona ga e a amega thata mme e bile re ikaelela go netefatsa gore maemo a nna fela jalo. Maikaelelo a rona ke gore re dire botoka gore re kgone go tlamela ditlhokego tsa batho ba rona. Re ikaelela go dirisa nako e e tlang go lebagana le mathata a a re tobileng.
Jaaka lefatshe lotlhe, ikonomi ya rona e gola ka bonya.
boima go tlamela magae a bona. Ga ikonomi e koafetse mmuso o kgobokanya lekgetho le le kwa tlase.
go fitlhelela ditlhokego tsotlhe tsa ona.
Mmuso o tlile go tswelela ka go godisa ditirelo go thusana le batho ba ba humanegileng mme ditiro tsa setshaba di tla atisa ditšhono tsa go dira. Go feta dibilione di le 780 tsa diranta di tlile go dirisiwa mo diporojekeng tsa ditiro mo dingwageng tse tlhano tse di latelang. Tse di akaretsa diteishene tsa motlakase, ditsela le mmila wa terene, go tlhabolola mafaratlhatlha a metsi le go aga matlo. Re tlile go dira le mekgatlho ya kgwebo le mekgatlho ya badiri go netefatsa gore ga go latlhege ditiro tse dintsi.
Dinaga tse dintsi ga di kgone go tsibogela maemo a jaaka rona.
Borwa e kgona go tsaa dikgato tsa go sireletsa ikonomi ya rona le bao ba humanegileng ka gonne mo dingwageng tse di fetileng re tshwere madi a rona ka manontlhotlho. Re bolokile madi ga ikonomi ya rona e ne e dira sentle. Ke ka goo re kgonang go oketsa madi a go lere ditirelo mo setshabeng.
Borwa, go tlile go nna boima.
gore ditlamelo tsa puso ke tsa batho ba Afrika Borwa botlhe.
ba na le maikarebelo a go netefatsa gore madi ga a senngwe ke badiredi ba mmuso. Re tshwanetse go dira mmogo go tlhabolola maemo a ikonomi ya rona.
Puso e dira ka natla go thusa batho ba ba sa direng ka ditiro. Lenaneo la ditiro tse di atolositsweng le simolotse ka 2004/05. Mo dingwageng tse tlhano lenaneo le le tlhotse ditiro di le 70 000 go bao ba se nang boitseanape ba tiro. Ditiro tse di tlhotswe ka go oketsa palo ya badiri ba ba dirang mo diporejekeng tsa mmuso mo go tliseng ditirelo tsa setšhaba. Le ga ditiro tse e le tsa nakwana batho ba bone boitseanape ba go dira.
o tla atolosa ditiro. Go beetswe thoko madi a a kana ka R4.1 bilione go tlhola ditiro tse dintsi mo dingwageng tse tlhano tse di tlang.
2014 go thusana le maitlhomo a go lwa le bohuma le botlhoka-tiro.
Borwa a le dimilione di le lesome le boraro. Lenaneo le tlile go thusa ba o ba humanegileng, bana ba bannye, bao ba sa itekanelang le batsofe.
Mmuso o tlile go bonelela bao ba sa tswang go latlhegelwa ke ditiro tsa bona, e bile o letla bao ba se nang madi go tsena sekolo, ditirelo tsa maphelo le tsona di ka bonwa mahala go tsenyeletsa metsi le motlakase go bao ba aperweng ke lehuma.
di sometlhano bana bao batsadi ba bona ba amogelang ka fa tlase ga R2 300 ka kgwedi ba ka bona madi a katlaatleloloago. Banna ba ba kwa godimo ga dingwaga tse di 63 le basadi ba dingwaga tsa bona di leng kwa godimo ga 60 ba ka bona madi a phenshene ga ba amogela madi a a kwa tlase ga a a rileng.
madi a mmuso.
Borwa setshaba se se kwa godimo mo go ba ba tsenyang madi go thusa bao ba sa kgoneng.
Tsamaiso ya tlhaolele e pateleditse badiri go nna kgakala le diteropo tseo ba dirang kwa go tsona. Go tlhofofaletsa bao ba amegang mmuso o jala madi a mantsi mo teranseporotong ya botlhe.
Go tlile go agiwa diporo, go be go rekwa le diterene. Dibese tse dintšha di tlile go tsenngwa mo mebileng, mme teranseporoto ya dibese le diterene e tlile go abelwa madi. Ditekisi tsa kgale di tlile go ntshiwa mo mebileng. 25 bilione ya diranta e tlile go abelwa ba Rail Commuter Corporation go reka diterene le go oketsa mebila ya diterene kwa mafelong a masha. Mmuso e bile o oketsa tekanyetsokabo go tlisa batlhankedi ba batla tlhokomelang gore dikotsi le go diega ga diterene go fokotsetse. Porojeke ya Gautrain e e bitsang R25 bilione is setse e ya kwa bofelong mme terene e tla bo e tsamaya go tloga kwa boema-fofaneng ba OR Tambo go ya kwa Sandton go sa le gale ka 2010. Mmuso o abela diteropo tse dikgolo R12 bilione mo dingwageng tse tharo tse di tlang go thusa go aga mafaratlhatlha a dibese tsa bonako. Johannesburg is setse e le kwa pele mme e bile e ikaeletse go dirisa R1.2 bilione go tsweletsa Rea Vaya pele. Cape Town yona e setse e ntshitse thendara ya R600 milione go simolola tiro e lebaganeng le lenaneo le la dibese tsa bonako.
Go netefatsa gore teranseporoto ya botlhe e bolokegesile, R350 dimilione e beetswe thoko go duela boraditekisi gore ba reke dikoloi tse dintsha. Go lebeletswe gore ditekisi di le 17 000 di ntshiwe mo mebileng mo dingwageng di le tharo tse di latelang.
Madi a go tlamela teranseporoto ya kwa magaeng e teng mo tekanyetsokabong.
<fn>GOV-ZA. Aboutus.2010-03-25.tn.txt</fn>
A o tlhoka thuso fa o rakana le mathata mo webosaeteng?
Tebo ya Ditirelo tsa Aforika Borwa tsa webosaete ke go neela motswedi o le mongwe wa tshedimosetso ka ga ditirelo tse di neelwang ke puso ya Aforika Borwa. Maikaelelo ke go fedisa go se lekalekane magareng ga ba ba matlafaditsweng le ba ba tseetsweng maatla, ekonomi ya pele le ya bobedi.
Batho ba go ikaeletsweng gore e tla nna badirisi ba webosaete ke baagi ba Aforika Borwa ba ba leng mo dikarolong tsotlha tsa naga ya rona, mekgatlho le dikgwebo tsa ga jaanong kgotsa tse go ikaelelawang go tlhomiwa, le baagi le mekgatlho e e tswang kwa dinageng disele mme e batla ditirelo go tswa mo pusong ya Aforika Borwa.
Karolo e e botlhokwa ya badirisi e bopiwa ke bagolaganyi jaaka Marakanelo a Setšhaba a Tebodintsi , Badiri ba Tlhabololo ya Setšhaba le Marakanelo a Boleletsomogala a Batho Pele Gateway , ba ba tla thusang ka go bontsha bao ba sa kgoneng go dirisa inthanete ka tlhamalalo, gore webosaete e dirisiwa jaang..
Webosaete e na le tshedimosetso ka ga ditirelo tsa puso tse di neelwang kwa maemong a setšhaba a puso.
Ditirelo tsa batho: ditirelo tsa baagi ba Aforika Borwa tse di rulaganngwang go ya ka ditiragalo tsa botshelo.
Ditirelo tsa ditšhaba tse di tswang ka kwa ntle: ditirelo tse di diretsweng fela ditšhaba tse di tswang ka kwa dinageng tsa ka kwa ntle tse di batlang ditirelo tse di maleba tsa puso ya Aforika Borwa.
Karolo nngwe le nngwe e tswelela pele ka go rulaganngwa ka tsela e e leng gore e tla tsamaelana le ditiragalo tsa botshelo . Ditiragalo tsa botshelo di kgaoganngwa go ya pele ka dikgato tsa botshelo.
Tshedimosetso ka ga tirelo nngwe le nngwe e rulagantswe go ya ka dikarolo di le supa tsa botlhokwa, e leng, tlhaloso, dikgato tse di tshwanetseng go latelwa, melao e e dirisitsweng, boemo jwa tirelo, tlhotlhwa, diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa le bodirelo, diaterese le megala.
Karolo e ya webosaete, e e tlhagisiwang ka mo letlhakoreng la bara ya go šapa , e na le dikgolagano le diwebosaete tse di tsamaelanang le tiragalo ya botshelo jo bo rileng.
Karolo e ya webosaete, e tlamela ka dipuo di le supa e leng, Sejatlhapi, SeAforikanse, isiXhosa, isiZulu, Sepedi, Sesotho, le Setswana. Go anamisa phitlhelelo ya tshedimosetso mo webosaeteng, go solofelwa fa tshedimosetso e, e tla re kwa bofelong, ya nna teng ka dipuo tsotlhe tse di lesomenngwe tsa semmuso. Phetolelo ya tshedimosetso mo dipuong tsa semmuso tse di setseng, e solofelwa fa e tlabo e feditswe ka Mopitlwe 2007.
Tshedimosetso ya tirelo e kwadilwe lwa ntlha ka Sejatlhapi, mme morago e fetolelwe ka mo dipuong tse dingwe. Tshedimosetso ka ditirelo ka mo dipuong tse dingwe e romelwa morago ga go fetolelwa.
Dirisa tsebe e e reng Ikgolaganye le rona go tshwaela kgotsa go botsa ka Ditirelo tsa Webosaete tsa Puso.
Kgolagano ya www.gov.za e go neela phitlhelelo ya tsebe ya Aforika Borwa ya go goroga ka "Oneline" e e go neelang phitlhelelo mo webosaeteng e. le Webosaete ya Tshedimosetso ya puso.
Mmapa wa saete o go neela popego ya webosaete ka tlhagiso ya pono. E neelwa go ya ka bogolo/botlhokwa, mme e kgaoganya tshedimosetso e e mo saeteng go ya ka setlhogo se se rileng. Ka jalo, e go kgontsha go ithuta le go itlwaetsa popego ya diteng tsa webosaete.
Tsebegae e neela lenaneo la ditirelo tse fitlhelelwang ka bontsi . Go tsena mo karolong e, go kgontsha go fitlhelela ditirelo tse tlhano tse ditona tse di etelwang ke badirisi. Lenaneo leo le tlwaetswa go ya ka dipalo tsa ditsebe tse di etetsweng.
Lebokoso la go batla le teng mo ditsebeng tsotlhe tsa webosaete. Fa o tsenya lereo le o batlang ka lona, webosaete yotlhe e tla tlhotlhomisiwa go batla mafoko ao. O ka nna gape wa dira patlo ya kgolagano e e gatetseng kwa pele ka go tlhopha.
Kgolagano le diwebosaete tsa kwa ntle di supiwa ka mafoko a 'outside link' a a tla tlhagelelang ka mo lebokosong fa khesara ya gago e tsamaisiwa fa godimo ga kgolagano . Webosaete e tla bulega mo widowse e ntšhwa e e tsamatsamayang.
Webosaete e okediwa tshedimosetso e ntšhwa go ya go ile. Molao wa rona ke go neela tshedimosetso jaaka e tsena le fa e le teng. Le fa go ntse jalo, batlhabolodi ba webosaete ya Ditirelo tsa Puso ga ba kgone go netefatsa bontšhwa jwa tshedimosetso e e gatisitsweng mo webosaeteng e nngwe e re golaganeng le yona. Bona Tebo le Maemo mo temaneng ya 4.3..
Mafapha a puso ke one beng ba tshedimosetso e e leng mo webosaeteng. Tiro e, e neetswe batsamaisi ba go ikgolaganngwang le bone ba mafapha, ba ba nang le boikarabelo jwa tshedimosetso e e phasaladiwang mo webosaeteng.
Ditlhaeletsano tsa Puso ke tsona e nang le maikarabelo a tsamaiso ka kakaretso le go nyalanya diteng tsa webosaete.
Popego e kgolo ya tshedimosetso mo webosaeteng ke HTML. Le fa go ntse jalo, mefuta ya ditokomane tsa PDF di a neelwa go somarela thulaganyokalo ya yona ya tlhago.
Fa o batla go bula ditokomane tsa PDF, o tshwanetse go nna le Adobe Acrobat Reader 4 kgotsa e kgolwane mme e tsenngwe mo khomputareng ya gago. E tla bula ditokomane ka tlhamalalo ka mo boraoseng ya gago.
Ka dinako dingwe, go tsaya nako e telele go bula ditokomane tsa PDF. Mo ntlheng e, re go eletsa gore o e sitlhomolole ka mo khomputareng ya gago mme o e bule go tswa moo.
O dirisa legotlo/mmaoso wa gago, tobetsa ka mo letsogong la moja fa godimo ga tokomane e o batlang go e sitlhomolola.
Mo go window, 'Save as' . tlhopha lefelo mo teraefeng e e thata fa o batlang go bolokela tokomane ya gago teng mme o tobetse konopo e e reng 'Save' . Faele e tla sitlhomolelwa kwa lEfelong le le rileng le o le kaileng.
Bula Puiso ya Akherobete morago o buLe ditokomane tse o di sitlhomolotseng.
O dirisa legotlo/mmaoso wa gago, gatelela sutisa o be o tobetsa legotlo/mmaoso ka mo letsogong la molema mo kgolaganong ya tokomane e o ratang go e boloka.
Mo go windose 'Save As' , tlhopha lefelo mo teraebeng ya gago e e thata fa o batlang go boloka tokomane teng mme o tobetse mo konopong ya 'Save' . Faele eo e tla sitlhomolelwa kwa lefelong le o le kaileng.
Bula Tiriso ya Puiso ya Akerobete mme o bule ditokomane tse o di sitlhomolotseng.
A o tlhoka thuso fa o rakana le mathata mo webosaeteng?
Tsweetswee, ikgolaganye le rona mo go fa o rakana le mathata mabapi le webosaete.
<fn>GOV-ZA. Activitiesrelatingtogeneticallymodifiedorganisms.2010-03-25.tn.txt</fn>
Lefapha la Temothuo le tsamaisa Molao wa Ditshedinnye tsa bolosika tse di fetotsweng wa 1997.
maemo a di-GMO jaaka merwalo.
Netefatsa mofuta wa tumelelo e o e tlhokang mme o tlatse foromo e e maleba.
ditiragatso tsa kakaretso tsa kgololo di tshwanetse go latelwa ke go konosediwa ga ditiro mo tikologong ya mo Aforika Borwa mo sebakeng sa dingwaga di le tharo tsa go jala ditiragatso tse di tswelelang le tiro di tla amogelwa fela fa e le gore tiro ya mothale o e ne e dumeletswe kwa tshimologong.
Romela foromo ya kopo le palo e e kailweng ya dikhopi tse di tlhokegang go Mokwadise wa di-GMO.
Romela khopi e nngwe gape ya kopo, e mo go yona go se nang tshedimosetso ya sephiri ya kgwebo, go Mokwadise wa di-GMO.
Duela madi a a beilweng.
Romela pegelo/raporoto ya ditiro tse di konoseditsweng mo nakong e e fetileng.
Romela bosupi jwa dikitsiso tsa phatlhalatsa.
Mokwadise, netefatsa gore kopo e matshwanedi go ya ka ditlhokego tsa Ditshedinnye tsa bolosika tse di fetotsweng , 1997.
Komiti-Keletso e sekaseka data/dintlha tsa bosaense tse di rometsweng ga mmogo le lekwalokopo mme e dire dikatlenegiso malebana le pabalesego ya tiro e e kopiwang mo go Khansele ya Khuduthamaga.
Mokwadise o amogela dikakanyo tsa batho mo nakong e a e filweng.
Khansele ya Khuduthamaga e dira tshwetso malebana le kopo, ba lebile kopo ka boyona, dikatlenegiso tsa Komiti-Keletso, dikakanyo tse di rometsweng ke batho, ditlamorago tse e ka nnang le tsona mo dtheong tse di jaaka temothuo, boitekanelo, tikologo, ditiro, kgwebo, saense le thekenoloji ga mmogo le tlhabololo ya thekenoloji.
Fa tshwetso ya Khansele ya Khuduthamaga e le e ntle, Mokwadise o dumelelwa go aba phemiti.
Diphemiti tsotlhe di tsamaya mmogo le mabaka a di a beetsweng.
Batlhatlhobi go tswa kwa Lefapheng Temothuo ba tlhokomela gore mabaka a a beilweng mo phemiting a a diragadiwa.
<fn>GOV-ZA. Administrationandliquidation.2010-03-25.tn.txt</fn>
Fa setlamo, khamphane, kgwebo e e kopetsweng se sa kgone go duela melato kgotsa go tsweletsa kgwebo ya sona Mokaedi-Kakaretso wa Dikgwebo le Intaseteri a ka tsamaisa kgwebo kgotsa a e tlhatlhamolola.
Setlamo kgotsa Setlamo sa nakwana, leloko lengwe le lengwe la setlamo kgotsa motho mongwe le mongwe yo o nang le kgatlhego a ka dira kopo kwa kgotlatshekelo gore setlamo kgotsa setlamo sa nakwana tse tsamaisiwe ke Mokaedi-Kakaretso kgotsa se phatlhaladiwe. Kgotlatshekelo e e reetsang kopo e, e tshwanetse ya bo e le karolo ya Kgotlatshekelo-kgolo kgotsa Kgotlatshekelo ya Magiseterata e e nang le dithata tsa go tsamaisa toka mo lefelong le setlamo se fitlhelwang mo go lona kgotsa e direlang kwa go lona. Kgotlatshekelo e ka kgona go atlhola jalo fa e bona go le mo molemong wa botlhe fa mabaka a lebelelwa.
tharobololo e utlwanetswe ke maloko ka bontsi a a neng a tlile kopanong kgotsa a a neng a na le kemedi kwa kopanong; le merero yotlhe e go builweng ke yona e e maleba pele setlamo se kwalololwa, go akaretsa diasete le melato ya setlamo kgotsa setlamo sa nakwana tse di tla baakangwang.
Fa Kgotlatshekelo e laela go tlhatlhamolola setlamo kgotsa setlamo sa nakwana, e tla swetsa gore diasete tsa setlamo kgotsa setlamo sa nakwana di tla abiwang ka go lekana ka teng. Kgotlatshekelo e tla lebesisa dikatlenegiso dingwe le dingwe tse di dirilweng ke Mokaedi-Kakaretso tse di malebana le go abiwa ga diasete.
Fa Mokaedi-Kakaretso kgotsa setlamo kgotsa setlamo sa nakwana, leloko lengwe le lengwe la setlamo kgotsa mongwe le mongwe yo o nang le kgatlhego a ka dira kopo ya go nna mong wa setlamo kgotsa setlamo sa nakwana se se tsamaisiwang ke Mokaedi-Kakaretso kgotsa se se tlhatlhamololwang, Tona e ka baya thulaganyo e e tshwanetseng go latelwa, e ka yona setlamo kgotsa setlamo sa nakwana se tla tsamaisiwa ke Mokaedi-kakaretso kgosa se tla tlhatlhamololwa. Tona e ka nne ya naya Mokaedi-kakaretso, Motlhankedi wa Ikwadiso, setlamo, maloko le batho ba ba nang le kgatlhego mo mabakeng a dithata le ditiro.
Mo mabakeng a fa e le khamphane kgotsa kgwebo e e kopetsweng , motho mongwe le mongwe, mokaedi kgotsa moruni wa khamphane, BaTirelo ya Matlotlo a Aforika Borwa kgotsa Mokwadise wa Dikhamphane a ka dira kopo ya go reka khamphane kgotsa CC e e kwalololwang.
Khamphane, setlamo kgotsa CC e e kwadisitsweng e tshwanetse go kwala lekwalo la tlwaelo go dira kopo ya go ikwalolola.
Neela mabaka gore ke goreng khamphane kgotsa CC e dira kopo ya go ikwalolola.
Mo go kgonagalang, tlhagisa leina la khamphane kgotsa nomoro ya CC ya lekgetho.
Bakaedi le maloko a khamphane kgotsa CC ba tshwanetse go saena lekwalo fa ba kgona go itlhophela fa go ikwalolola bakaedi kgotsa.
Go kwalolola khamphane go ka tsaya dikgwedi di le thataro.
Tirelo e ga e duelelwe.
Ga go na diforomo tse di tladiwang.
<fn>GOV-ZA. AdmissiontoapublicorindependentschoolgradeRto12.2010-03-25.tn.txt</fn>
Kereite R ke ngwaga wa ntlha wa letlhakore la motheo wa thutadipoelo mo dikolong tsa botlhe tsa poraemari. E diretswe bana ba dingwaga di le nne le seripa go ya go tlhano le seripa. Batsadi le batlhokomedi ba tshwanetse go kwadisa bana ba bona kwa sekolong pele ga letlha le le beilweng, le le leng magareng ga Phatwe le Diphalane, la ngwaga pele bana ba simolola sekolo.
Lefapha la Thuto.
Kopa pele ga letlha le le beilweng ke dikolo le le leng magareng ga Phatwe le Diphalane.
Gorosa/tlisa setefikeiti sa matsalo le karata ya go entiwa/tlhabelwa malwetse.
Netefatso ya gore o kopile tumelelo ya go nna mo Aforika Borwa.
Kopo ya gago e ka nna ya tsaya letsatsi le le lengwe go ya go dibeke di le thataro go diragadiwa.
Dituelo tsa sekolo di a farologana go tloga go sekolo sengwe go ya kwa go se sengwe.
Diforomo tsa kopo di teng mo dikolong.
<fn>GOV-ZA. Admissiontooldagehome.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tirelo e ke ya batsofe ba ba tlhoka tlhokomelo ya diura tse 24 mo legaeng la batsofe.
Ke mang yo o ka dirang kopo?
Batsofe ba ba tlhokang tlhokomelo ya leruri mo legaeng la batsofe.
Batho ba ba amogelang thebolelo ya botsofe.
Basadi ba ba dingwaga tse 60 le go feta, le banna ba ba dingwaga tse 65 le go feta.
Tlatsa foromo ya kopo kwa legaeng la batsofe le le gaufi nao.
Tlhagisa lokwaloitshupu lwa gago lwa Aforika Borwa.
O tla tlhoka go sekasekwa go bona gore a o tshwanetswe ke go amogelwa le go thuswa ka matlole.
Fa kopo ya gago e atlegile, o tla tshwanela go saena tumelano le legae la batsofe fa o amogelwa.
Fa kopo ya gago e sa atlega, o ka ikuela mo matsatsing a le 90 go Tona ya Tlhabololo ya Loagokgotsa Leloko la Khuduthamaga.
Go ka tsaya matsatsi a le 35 go diragatsa kopo ya gago. Paka e ikaegile ka palo ya batho ba ba mo lenaneong la tetelo.
Tlhwatlhwa e bewa ke legae la batsofe.
Foromo ya tshekatsheko ka mabaka a kamogelo kgotsa Foromo DQ 98 e ka bonwa kwa magaeng a batsofe.
<fn>GOV-ZA. AmalgamatedBargainCouncil.2010-03-25.tn.txt</fn>
Lekgotla la ditumalano le dira ka ditumalano tsa setlhopha, go rarabolola kgotlhang tsa kwa tirong, go tlhomamisa dikemo tse di farologaneng le go tshwaela ka melao le melawana ya ditiro.
Dikhansele tse di kopaneng tsa ditumalano di ka dira kopo go Mokwadisi wa Kgolagano ya Ditiro mo Lefapheng la Ditiro go kwadisa khansele e e kopaneng ya ditumalanao . Khansele ya ditumalano efe kapa efe e ka sweetsa go kopana le khansele e le nngwe kgotsa go feta.
Dira kopo go Mokwadisi wa Dikgolagano tsa Ditiro go kwadisa khansele e e kopaneng ya ditumalano.
Setefikeiti se se tswang go nngwe le nngwe ya dikhansele mo tshweetsong e ikamanyang le melaotsamaiso ya dikhansele.
Gokelela setefikeiti sa boemedi.
Go ka tsaya malatsi a le 60 go tsweletsa kopo.
Tirelo e ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Amendcorporateinformation.2010-03-25.tn.txt</fn>
Fa kgwebo e batla go fetola tshedimosetso ya ikwadiso ya yona, ka molao go a tlhokega gore go tladiwe foromo ya kopo. Ke tshedimosetso e nnye fela e go ka dumelwang gore e fetolwe kwa ntle ga go tlatsa foromo le go e romela lefapha.
Fetola tshedimosetso ya setheo mo inthaneteng.
Go tlatsa formo ya kopo mo laeneng ya ikwadiso ga go kaye gore o setse o kgotsofatsa ditlhokego tsa go tsena mo thulaganyong e e go letlang go tsenya diphetogo mo tshedimosetsong ya kgwebo ya gago. Go tla go tsaya letsatsi kgotsa a le mabedi gore o bone tetla morago ga thebolo e sena go abiwa, morago ga fa ke gona o tla kgonang go dira diphetogo tsa tshedimosetso ya kgwebo ya gago.
Tirelo e ga e duelelwe.
Fetola tshedimosetso ya setheo mo inthaneteng.
<fn>GOV-ZA. Anonymousreporting.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tirelo e, e bonwa mo diureng di le 24 tsa letsatsi, mme e ka bonwa ke mongwe le mongwe yo o batlang go bega ka tiriso ya mogala tshenyo kgotsa tiro ya bosenyi ka go neela tshedimosetso e e ka thusang mapodisi mo thibelong kgotsa mo patlisisong ya go nna jalo. Motho yo o leditseng mogala a ka nna a itlhophela go nna motlhokaina.
Akanya ka 08600 10111 e e leng mogala wa Tshedimosetso ya Tshenyo.
Mogala wa Tshenyo wa Ditshoganyetso ke10111.
Leletsa 08600 10111 kgotsa Kemiso Tshenyo 24/7.
Motsereganyi wa tshedimosetso ya Kemiso Tshenyo o tla araba mogala wa gago, mme a kwale tshedimosetso e e leng teng. O ka nna wa tlhopha go nna motlhokaina.
Motsereganyi o tla go naya nomore ya khoutu ya sephiri ya tshupetso mo nakong e e tlang.
O tla thusiwa ka bonako.
Megala e tla duelelwa go ya ka direiti tsa megala tsa selegae le maemo a direiti tsa difounu tsa diselula go tswa gp difounung tsa diselula.
Ga go na diforomo tse di tladiwang.
<fn>GOV-ZA. AppPermImportFishRecreational.2010-03-25.tn.txt</fn>
Go thaya ditlhapi ka mokgwa wa boitapoloso ke go nna le seabe mo tiragalong e e jaaka go tlisa ditlhapi tsa metsi mo nageng ka maikaelelo a boitapoloso. Go tlisa ditlhapi tsa metsi mono nageng ka maikaelelo a boitapoloso, o tshwanetse go dira kopo ya tetla ya go tlisa mono e e e e rebolwang ke Tona ya Merero ya Tikologo le Bojanala kgotsa yo o neetsweng thata eo. Ga go ope yo o tshwanetseng go tlisa ditlhapi mono ntle le tetla. Dira kopo ya tetla e ntšhwa ya go tlisa mono fa e e leng teng e feletswe ke nako. Go retelelwa go dira jalo go tlisa go beelwa thoko nakwana kgotsa go phimolwa.
NB: Tetla ya go tlisa mono ka maikaelelo a boitapoloso ga e akaretsa tlhapi ya metsi a a phepa e e tsamisiwang ke Lefapha la Temothuo . Dikopo tsa ditetla tsa ditlhapi tsa metsi a a phepa kgotsa a lwa go bothito di tshwanetse go dirwa kwa Lefapheng la Temothuo.
Ditetla tsa go tlisa mono tse di rebolelwang go tliswa ga ditlhapi mono ka maikaelelo a boitapoloso go ka dirisiwa ke mong kgotsa go jewa e tla dira sebaka sa paka ya loeto go ya le go tswa kwa lefelong le e tshwanetseng go yak wa go lona.
Ga go ditlhapi tse di tshelang tse di tshwanetse go tliswa mono.
matlha a go tloga le go boela mo Aforika Borwa leina la naga e e etelwang tlhagisa molelwane wa Aforika Borwa o o tla dirisiwang go boela mo Aforika Borwa bosupi jwa aterese ya bonno, dinomoro tsa mogala le fekese mo Aforika Borwa tlhalosa gore tlhapi e tla tliswa mono jang khopi e e kannweng ya lekwaloitshupo la modirakopo mongwe le mongwe bopaki jwa tuelo ga go difekese, dikhopi le diimeili tse di tla amogelwang diforomo di tshwanetse go tliswa ka seatla kgotsa go romelwa ka poso.
Dira kopo bonnye dibeke tse pedi pele o tsamaya go letla nako ya go diragatsa.
Ga go tetla e e tlhokegang ya beiti. Fela, netefatsa gore o tshotse tetla ya beiti ya boitapoloso kgotsa setlankana sa madi a a seatleng a beiti e e rekilweng.
Tiragalo ya kopo e ka tsaya matsatsi a le 7 kgotsa go feta go lebilwe tiragatso e e maleba ya kopo.
Madi a kopo a bokana ka R120.
Nomoro ya Akhaonto.
Nomoro ya Referense.
Ditlhwatlhwa di sekasekwa kgotsa go tlhongwa ngwaga le ngwaga ke Tona ya Merero ya Tikologo le Bojanala kgotsa bothati jo bo tlhophilweng, ka tirisano le Tona ya Matlotlo.
<fn>GOV-ZA. AppPermitExportFishCommercial.2010-03-25.tn.txt</fn>
Kgwebo ka ditlhapi ke go diragatsa tiragalo e e amanang le ditlhapi jaaka go romela tlhapi ya mo metsing ntle ka mabaka a kananyo. Go romela tlhapi kwa dinageng disele kgotsa kwa ntle ga melelwane ya Rephaboliki ya Aforika Borwa, o tshwanetse go dira kopo ya tetla ya go romela ntle e e rebolwang ke Tona ya Merero ya Tikologo le Bojanala kgotsa yo o neetsweng thata eo. Ga go ope yo o tshwanetseng go romela tlhapi ntle fa a se na tetla. Fa tetla ya thomelontle e e leng e felelwa ke nako morago ga dikgwedi tse tharo, o tshwanetse go dira kopo ya e ntšhwa. Go palelwa ke go ikobela dipeelano tsa tetla go tlisa go beelwa thoko nakwana kgotsa go phimolwa.
NB: Tetla e ya thomelontle ga e akaretse tlhapi ya metsi a a phepa e e tsamaisiwang ke Lefapha la Temothuo . Dikopo tsa ditetla tsa thomelontle ya ditlhapi tsa metsi a a phepa tse di tshelang mo metsing a a bothito kgotsa a a tsididi di tshwanetse go dirwa kwa Lefapheng la Temothuo.
Tetla ya Thomelontle e e rebolelwang mefuta ya abalone e tshwanetse go tsamaya le setifikeiti sa CITES thomelo nngwe le nngwe.
Dira kopo ya tetla ya thomelontle.
Bona foromo ya kopo ya thomelontle le foromo ya kopo ya CITES go tswa kwa Kantorong ya Bolaodi jwa Mawatle le Mabopo kgotsa kantoro ya lekala ya Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala kgotsa o ka e ntsha mo go http://www.mcm-deat.gov.za.
bosupi jwa thebolo le diaterese tsa bonno tsa barebodi ba ditlhapi tsa lewatle tse di tla romelwang ntle maina a a tlwaelegileng le a saenthifiki a mefuta e e romelwang ntle palo ya mefuta e e romelwang ntle.
lekwaloitshupo la gago le ditlankana tsa kwadiso ya setlamo, setlamo se se kopanetsweng kgotsa terasete ditetla tse di dirang tsa thomelontle go tswa go Lefapha la Kgwebisano le Madirelo kgotsa dikitsiso tsa tetla setifikeiti sa Tshekatsheko ya Lekgetho jaaka se dumeletswe le go rebolwa ke Tirelo ya Matlole ya Aforika Borwa.
Itsise lekala le le gaufi nao la Biro ya Maemo ya Aforika Borwa ka ga themelontle ya gago fa e le gore tlhapi e o ratang go e romela ntle ga e foreše e bile e sa siamela go jewa ke batho. Fa tlhapi e le foreše mme e siametse go jewa ke batho itsise Lekala la Boitekanelo.
Madi a kopo a a tlhokegang ke R225.
Tlatsa, saena mme o posetse foromo ya kopo ya thomelontle le ditlankana tse di tlhokegang go Kantoro ya Bolaodi jwa Mawatle le Mabopo..
Dikopo tse e seng dikhopi di tshwanetse go posiwa, e seng jalo tetla ga e ne e rebolwa.
Tiragalo ya kopo e ka tsaya matsatsi a le 7 kgotsa go feta go lebilwe tiragatso e e maleba ya kopo.
Madi a kopo a bokana ka R225 a a tlhokega. Ditlhwatlhwa di sekasekwa kgotsa go tlhongwa ngwaga le ngwaga ke Tona ya Merero ya Tikologo le Bojanala kgotsa bothati jo bo tlhophilweng, ka tirisano le Tona ya Matlotlo.
Nomoro ya Akhaonto.
Nomoro ya Referense.
<fn>GOV-ZA. Appcitnat.2010-03-25.tn.txt</fn>
Motho mongwe le mongwe yo o nang le phemiti ya leruri ya Aforika borwa a ka kgona go dira kopo ya boagi jwa Aforika borwa ka go tshabafadiwa morago ga dingwaga di le tlhano e ntse e le moagi wa leruri.
Motho mongwe le mongwe yo o nyetseng moagi wa Aforika borwa a ka kgona go tshabafadiwa dingwaga di le pedi morago ga go abelwa phemiti ya leruri ya go nna mo Aforika borwa e a e fiwang ka nako e a nyalwang ka yona.
Ngwana yo o ka fa tlase ga dingwaga di le 21 yo o nang le phemiti ya leruri ya boagi a ka kgona go tshabafadiwa fa a se na go fiwa phemiti.
Fa o batla tshedimosetso, e nngwe gape, e ya go Lefapha la Merero ya Selegae.
Tlatsa diforomo BI-63 and BI-757 kwa ofising nngwe le nngwe ya Merero ya Selegae. O ka dira kopo ya gago kwa embasing ya Aforika borwa kgotsa kwa ntlong ya borongwa fa o dira kopo kwa dinageng tsa baditshaba.
O tshwanetse go tlisa phemiti ya boagi ya leruri kgotsa phemiti ya thebolo.
Tlatsa foromo ya SAP e e nang le sete e e feleletseng ya dikgatiso ya menwana gore o kgone go fiwa setefikeiti sa kgololo sa maphodisa.
Isa foromo e e tladitsweng ya BI-9 ka sete e e feleletseng ya dikgatiso tsa menwana le ditshwantsho di le pedi tsa boitshupo fa dingwaga tsa gago di le godimo ga di le 15. Se se dirwa gore o kgone go fiwa lekwaloitshupo morago ga go tshabafadiwa.
Motsadi yo o rweleng maikarabelo a ngwana a ka dira kopo mo boemong jwa ngwana yo o sa leng monnye nako nngwe, fa fela ngwana a nna mo Aforika borwa sa leruri le ka molao.
Bakopi ba dikopo tsa bona di rebotsweng, ba tla kopiwa go saena Kgoeletso ya Boikanyego mme ba ka abelwa setefikeiti sa tshabafatso se se nang le nomoro ya R.
Tokomane ya boitshupo e tla abiwa mme ya neelwa mokopi.
Bakopi ba dikopo tsa bona di sa atlegang ba tla itsisiwe.
Dikopo di ka tsaya dikgwedi di le 2 go ya go di le 4.
<fn>GOV-ZA. Appealingagainsttherefusalofregistration.2010-03-25.tn.txt</fn>
Fa komiti ya Borutegi jwa Bonetetshi jwa Tlhago ya Aforika Borwa bo gana go ikwadisa kgotsa go fedisa ikwadiso ya gago, o ka nna wa dira boikuelo kwa go Lekgotla kgatlhanong le tshwetso e mo nakong ya malatsi a le 30, morago ga go duela tefo e e beilweng.
Ikgolaganye le SACNASP mo malatsing a le 30 go simolola ka letsatsi le o amogetseng kgano mme o tla eletswa gore o ka dira eng.
Go seng jalo, isa lekwalo la boikuelo go Lekgotla mo malatsing a le 30.
Lekwalo le tshwanetse go paganngwa le tefo e e beilweng e e tla laolwang ke Lekgotla.
Mo malatsing a le 60 go simolola ka letsatsi le boikuelo jwa gago bo amogetsweng ka lona, Lekgotlha le tla tsaya ditshwetso maleba le boikuelo mme la go neela mabaka a tshwetso ya bona.
Fa boikuelo bo le kgatlhanong le go gana ga komiti go ntšhwafatsa ikwadiso ya motho, ikwadiso ya gago e ka nna ya se ke ya phimolwa go fitlhela boikuelo bo tseelwa tshwetso.
<fn>GOV-ZA. ApplicationforRegistrationofGroup1Fertilizer.2010-03-25.tn.txt</fn>
Menontsha yotlhe e e rekwang kwa mafatsheng a kwa ntle mme e tliswa mo Aforika Borwa, le e e dirwang le go rekisiwa mo Aforika Borwa e tshwanetse go kwadisiwa go ya ka Molao wa Ikwadiso wa 36 wa 1947. Mokopi o tshwanetse ya bo e le moagi wa semmuso wa Aforika Borwa; sekao Moremi Molapisi Moagi T/A Diepsloot Stud.
Dikhamphane tse di tswang moše wa mawatle ga di a letlelelwa go dira kopo ya go ikwadisa mo Aforika Borwa.
Dikhamphane tsa fa gae, baagi ba naga ya Aforika Borwa kgotsa Setheo sa semolao mo Aforika borwa ke tsona fela di letleletsweng go dira kopo ya go ikwadisetsa menontsha.
Menontsha ya Setlhopha sa 1 ke e e nang le metswako ya naeterojene, foseforase ga mmogo le photasiamo, mme e bile e itsege gape jaaka menontsha e e tswang mo ditsheding.
motswako wa monontsha o o dirwang ga o a tshwanela go farologana le monontsha o o kwadisitsweng dintlha le mafoko a a kwadilweng mo lebotlolong kgotsa mo thekgwaneng e e tshotseng monontsha ga di a tshwanela go fetolwa kwa ntle ga go fiwa tetla ya go dira jalo ke Mokwadise melao e e beilweng ka nako ya ikwadiso e tshwanetse go obamelwa.
ikwadiso ga e a tshwanela go sutisediwa go khamphane kgotsa motho mongwe.
dilekanyo tsa mabotlolo kgotsa dikgetse tse menontsha e tsengwang mo go tsona ga di a tshwanela go fetolwa kwa ntle ga go bona tetla mo go Mokwadise.
Kopo ya go kwadisa dijo tsa diphologolo le menontsha e tshwanetse go nna le lekwalo le le tswang go motho yo o ikwadisitseng kgotsa moemedi wa gagwe.
leina la kumo nomoro ya kwadiso fa e le gore kumo e ne e setse e kwadisitswe lebaka la go kwadisa kumo fa e le gore ke kopo e ntšhwa, kopo e e tlhabolotsweng kgotsa kopo ya go dirisa leina la khamphane e nngwe le fa e ka nna letshwao la yona fa mokopi a filwe tetla, go tla tlhokega lekwalo la tumelelo go tswa go motho yo o ikwadisitseng madi a kopo a a lekaneng ditšheke tse di sa romelweng mmogo le dikopo di tshwanetse go direlwa lekwalo le le tlhalosang tsebe ya go kwalela dikakanyo.
O tshwanetse go romela diforomo tsa kopo tse dintšhwa ga mmogo le diforomo tse di tlhabolotsweng tsa ikwadiso go akaretsa le tse di fetotsweng kwa kantorong ya ikwadiso ka ditsela tse di latelang. Romela diforomo di le pedi tse di tshwanang o di tlatsa ka botlalo kwa ntle ga go bua ka dikopo tse o kileng wa di dira le dinomoro tsa ditsebe kgotsa dikumo dingwe Foromo e nngwe e ka nne ya nna khopi.
Go tshwanetse go nna le motho yo o tlhophilweng go ya ka molao yo Mokwadise a tla ikgolaganyang le ena malebana le merero ya khamphane, mme motho yo ke ena yo o tla saenang diforomo tsa kopo.
Leina le nomoro ya ikwadiso ya kumo di tshwanetse go dirisiwa jaaka di tlhagelela mo setefikeiting sa ikwadiso. Fa go ka nna le phetogo ya leina, le fa e le e nnye jang, kumo ya mothale o, e tla tsewa e le kumo e e fetotsweng.
Romela diforomo tsa kopo kwa kantorong ya botsamaise. O tla bo o senya nako fa o ka romela dikopo tsa gago le baeletsi ba setegeniki.
romela dikhopi di le pedi tse di tshwanang dikhopi di tshwanetse go nna ka puo ya Seesimane kgotsa ya Seaforikanse. Ga go tlhokege gore matshwao a kwalwe ka dipuo tse ka bobedi dikhopi di tshwanetse go bonagala sentle; ka mokwalo o o tlhapileng o se ke wa naya matshwao a kgalemo ga mmogo le matshwao a tlhokomelo ya dinomoro dintlha tsotlhe mo letshwaong di tshwanetse go nyalana sentle le dintlha tse di mo foromong ya kopo.
Romela kopo ya gago ga mmogo le tuelo go Molao wa Ikwadiso wa 36 wa 1947.
Ikwadiso ya monontsha e ka tsaya lebaka la dikgwedi di le tharo go ya go di le nne.
<fn>GOV-ZA. Applicationforabusinesspermit.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tumelelo ya kgwebo ke tumelelo e e neelwang moditšhaba yo o ikaelang go beeletsa kgwebo mo Aforika Borwa. Dira kopo kwa kantorong ya Embasi ya Aforika Borwa kwa Boromiweng kgotsa kantorong ya botseta ya Merero ya Selegae e e gaufi le fao kgwebo e tlhomiwang.
Kopo ya tumelelo ya kgwebo e tshwanetse go pataganngwa le setefikeiti se se rebotsweng ke ramatlotlo yo o a ikwadisitseng le Setheo sa Boramatlotlo sa Aforika Borwa.
madi a a ka fa tlase ga bokana ka R2,5 milione ya seatleng kgotsa bonnye jwa R2 milione le bokana ka R500 000 ya kgobokanyo ya dithoto. Bokana jwa madi a a kailweng fa godimo e tshwanetse ya bo e tswa go moseja wa mawatle mme e tshwanetse go nna teng e le karolo ya dipeeletso tsa boleng ba kgwebo lenane la kgwebo le le bontshang ka tlhamalalo kgonagalo ya kgwebo, mo nakong e khutshwane le le telele bopaki ba go bontsha gore baagi ba le tlhano kgotsa baagi ba leruri ba tla bona tiro go bona gore e kwadisiwa le Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho setefikeiti sa sepodisi sa kgololo go tswa dinageng tsotlhe tse wena le molekane wa gago wa lenyalo go supa gore le ntse go boleele jwa dingwaga di le 18 mo dinageng tseo le bana ba lona ba bogolo ba dingwaga di le 18 kgotsa go feta ba ba tlang le lona mo nageng setefikeiti se se bontshang gore le tlhabetswe letshoroma le le setlha fa o etela kgotsa o ikaelela go etela lefelo le le nang le letshoroma le le setlha peeletso ya go kgontsha go go romela morago kwa nageng ya gaeno e e lekanang le thekete ya sefofane ya go boela morago kwa nageng e o tswang go yona kgotsa e o nnang ga leruri mo go yona. Peeletso e tla busetswa go wena morago ga gore tumelelo e ntshiwe. Peeletso e ka duelwa ka madi a a netefaditsweng kgotsa kerediti karata mo mafelong ao didiriswa tsa mothale oo di bonwang dipego tsa pholo le tsa tlhatlhobo ya marapo go modirakopo. Bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 12 le bomme ba ba imana ba tla kopiwa go nna le dipego tsa tlhatlhobo ya marapo.
Ga go paka e e tsepameng ya tirelo e.
Ela tlhoko: Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. Ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.
<fn>GOV-ZA. Applicationforachildpassport.2010-03-25.tn.txt</fn>
Phaseporoto ya ngwana ke tokomane e ngwana a e tlhokang go etela naga e nngwe le go kgona go boela mo Repaboliking ya Aforika Borwa. Phasepoto ya ngwana e neelwa bana ba mengwaga a a ka fa tlase ga 16. E na le kamogelesego fa o etela dinaga tsotlhe kwa ntle ga fa e thaladikwe ka tsela e nngwe. E na le kamogelesego ya dingwaga di le 5 go tloga ka letlha le e ntshitshweng ka lona.
Tlatsa foromo ya B1-73 kwa Dikantorong tsa Lefapha la Merero ya Selegae. Tsenya kopo kwa embasing ya Aforika Borwa kgotsa kwa Boromiweng, fa o nna kwa mose.
Kgatiso ya menwana ga e dirwe.
Neelana ka lekwalo la ngwana la matsalo.
Neela ditshwantsho tsa bana tsa phaseporoto tse pedi tsa sešweng.
Tetla ya batsadi ka bobedi kgotsa batlhokomedi e a tlhokege pele ngwana a ka neelwa phaseporoto.
Tlhagisa setifikeiti sa loso fa e le gore mongwe wa batsadi o tlhokafetse.
Fa tetla e neelwa ke motlhokomedi, maemo a motlhokomedi a tshwanetse go totobadiwa.
Mo maemong a a kgethegileng mme go sa kgonagale gore motsadi yoo a neele tetla mo foromong ya kopo, tetla e e filweng ka lekwalo e tshwanetswe go bonwa go motsadi.
Mo ntlheng e motsadi a ganang ka tetla, kgotlatshekelo e e nang le bokgoni, e tshwanetse go tsaya tshwetso malebana le molato o. Khopi ya taelo e e maleba ya kgotlatshekelo e tshwanetse go pata foromo ya kopo ya phaseporoto.
Fa batsadi ba tlhalane, tetla ya batsadi ka bobedi e a tlhokagala kwa ntle ga fa taelo ya kgotlatshekelo e kaya ka tsela e nngwe.
Kopo e tsaya dibeke di le 6 go ya go di le 8.
<fn>GOV-ZA. Applicationforacrewpermit.2010-03-25.tn.txt</fn>
Kopo ya lebotho e neelwa go moditšhaba yo o leng tokololo ya lebotho la sekepe. Tumelelo ya lebotho e e ka neelwang mo pakeng e e sa feteng dikgwedi tse tharo ka nngwe. Dikopo di ka diriwa kwa botsenong jwa boemelakepe mo Aforika Borwa.
Romela phaseporoto e e tshwanetseng.
Tlhagisa lekwalo la kopo go tswa go mong wa sekepe, go tsenyeletsa go tsaya maikarabelo a motho yo o a tla ikamanyang le Molao wa Khudugo wa 2002.
Romela bopaki bo bo tletseng ba bokgoni jwa ditšhelete ba mong wa sekepe, go kgona go itepatepanya le ditlhokego tsa letsatsi le letsatsi le ditshenyegelo tsa kalafi.
Duela peeletso e e tlhokwang ke Lefapha la Merero ya Selegae go kgontsha go ikamanya le melawana le maemo a tumelelo ya lebotho la lewatle. Peeletso eo e tla busediwa morago ga go tla kgotsa morago ga gore tumelelo e ntshiwe. Tuelo ya peeletso e tla amiwa ke tšheke ya banka e e netefaditsweng kgotsa karata ya kerediti mo mafelong ao e fitlhelwang e dirisiwa.
Romela bopaki bo bo supang gore o duetse melato ya kwatlhao e e bonweng ke morebolelwa.
Dikopo di tsaya malatsi a a sa feteng masome a mararo.
<fn>GOV-ZA. Applicationforageneralquotaworkpermit.2010-03-25.tn.txt</fn>
Karolelo ya kakaretso ya phemiti ya tiro e ntshiwa go moditšhaba fa motho yo o wela mo karolong e sweditseng ke Lefapha la Merero ya Selegae mo ngwageng ka kitsiso mo Kaseteng ya Mmuso morago ga buisana le Tona ya kgwebo le Madirelo le Ditiro. Palo ya diphemiti tsa karolwana eo e ka se fete karolelo e e tlhomamisistsweng ka kitsiso.
Le gore o na le thuto tse di mo molaong tse di tlhokegang go dira tiro e e kaiwang ke tlhaloso ya tiro.
Romela ditlamego tsa mothapi tsa go duela diphesente di le pedi tsa tuelo ya katiso..
Yo o e tla nna mothapi o tshwanetse go tlatsa karolwana 13 , le ya foromokopo BI-1738.
Tlhagisa bosupi ba boikwadiso le mokgatlo wa porofeshenale kgotsa boto, fa go tlhokega.
Tirelo e e tla tsaya malatsi a le 30.
<fn>GOV-ZA. Applicationforamarriagecertificate.2010-03-25.tn.txt</fn>
Setefikeiti sa lenyalo ke tshupo ya bopaki ba gore o nyetse. Lenyalo le tshwanetse go go diragadiwa batho ba ba nyalang ba le teng, dipaki tse pedi tse di tshotseng makwalo a bona a boitshupo le motlhankedi wa puso.
Netefatsa boemo jwa gago jwa lenyalo mo websaeteng.
Batho ba ba nyalanang ba tshwanetse go nna le ditokomane tsa boitshupo le foromo B1-31 e e tladitsweng..
Tlatsa foromokopo B1-130 mo dikantorong dife kapa dife tsa Lefapha la Merero ya Selegae. Dira kopo kwa botseteng ba Aforika Borwa kgotsa Boromiweng fa o nna moseja wa mawatle.
Lenyalo le ka dirwa la semmuso ke motlhankedi wa tsa manyalo yo o tlhophilweng go tswa go setlhopheng sa tumelo e e rileng kgotsa mokgatlo kgotsa moemedi wa Lefapha la Merero ya Selegae.
Lenyalo le tshwanetse go tshwarelwa kwa kerekeng, moago o o dirisetswang merero ya tumelo fela, mo kantorong ya puso kgotsa kaw ntlong ya motho. Fa mongwe yo o nyalang a lwala thata kgotsa a utlwisitswe/utlwile botlhoko , lenyalo leo le ka tshwarelwa kwa bookelong.
Baditšhaba ba ba nyalanang mo Aforika Borwa ba tshwanetse go nna le diphaseporoto tse di tshwanetseng le foromo B1-31 e e tladitsweng.
Batho ba ba bedi ba ba nyalanang, dipaki di le pedi le motlhankedi wa tsa manyalo ba tshwanetse go saena Buka ya Kwadiso ya Manyalo ka bonako morago ga gore le lenyalo le tshegofatswe.
Babotlana ke batho ba ba leng ka fa tlase ga dingwaga di le 21 ba ba eseng ba nyalane. Go ya ka molao, batho ba ikileng ba nyalana mme lenyalo la bona la phatlaladiwa ke loso kgotsa tlhalano, ga ba tlhole ba kaiwa e le babotlana.
Romela bosupi bo bo kwadilweng ke batsadi boo babedi le/kgotsa batsadi ba semolao le foromokopo e e tladitsweng ya B1-32. O ka dira kopo ya bosupi go Komišenara ya Katlaatleloloago ya Bana fa batsadi ba gago ba ka se kgone go fitlhelwa kgotsa ba sa itse go dira bosupi ba lenyalo.
O ka dira kopo ya bosupi kwa Kgotlatshekelokgolo mo tikologong eo o tshelang le batsadi ba gago fa Komišenara a gana go dira bosupi.
Batho ba ba tlhalaneng mme ba batla go nyalana gape ba tshwanetse go nna le taolo ya tlhalano. Romela maikano fa go le lebaka le le utlwalang la gore goreng ba sa ntshe taolo ya tlhalano kgotsa fa ba ne ba tlhalana mo nageng ya boditšhaba mme ba ka se kgone go e bona . Maikano a tshwanetse go tlhagisa gore mokopi o tlhalane semolao, leina la kgotlatshekelo le letlha la tlhalano.
Batlhologadi ba ba batlang go nyalana gape ba tshwanetse go tlhagisa setefikeiti sa mofu o a neng a nyalane nae. Romela setefikeiti sa maikano fa setifikeiti sa loso sa mofu se se teng. Maikano a tshwanetse go netefatsa leina la mofu le letlha la loso.
Setefikeiti sa lenyalo se se sa khutsafadiwang.
<fn>GOV-ZA. Applicationforamaxipassport.2010-03-25.tn.txt</fn>
Paseporoto ya maxi ke tokomane e e nang le ditsebe di le 64 e e dirisiwang ke basepedi . Paseporoto ya maxi e tshwana le paseporoto ya bojanala mme di farologana fela ka gore maxi e na le ditsebe tse di fetang paseporoto ya bojanala gabedi gore e kgone go tsengwa ditsebe di le dintsi tsa visa.
Paseporoto ya maxi e fiwa baagi ba Aforika Borwa ba ba leng dingwaga di le 16 kgotsa go feta e diretswe go etela dinaga tsotlhe mo lefatsheng kwa ntle fela fa e le gore go dumelanwe ka tsela esele e nna dingwaga di le 10 go tloga ka letsatsi le e ntshitsweng ka lona.
O tshwanetse go tlisa lekwaloitshupo kgotsa setefikeiti sa matsalo fa o dira kopo.
Tlatsa foromo ya kopo BI-73 mme o e ise ka sebelel kwa Lefapheng la Merero ya Selegae. O ka isa foromo kwa embasing ya Aforika Borwa kgotsa kwa ntlong ya borongwa fa o le kwa nageng disele.
O tshwanetse go gatisa menwana e e tla tsengwang mo direkotong mo rejisetareng ya baagi.
Isa ditshwantsho tsa paseporoto di le pedi.
Fa e le gore ga o ise o nne le lekwaloitshupo, mme e bile o eme ke nako ka fa phefong, o ka nne wa dira kopo ya paseporoto le lekwaloitshupo ka nako e le nngwe.
Dikopo di ka tsaya dibeke di le 6.
<fn>GOV-ZA. Applicationforamedicaltreatmentworkpermit.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tumelelo ya kalafi ya melemo e abelwa batswantle ba ba batlang go fiwa kalafi ya melemo mo Aforika Borwa. Tumelelo ya kalafi ya melemo ya mothale o e ka dirisiwa dikgwedi di le thataro mo sebakeng se o e filweng. Dira kopo ya tumelelo ya kananyo kwa embasing ya Aforika Borwa kgotsa kwa ntlong ya borongwa e e gaufi le wena.
Tlatsa foromo ya kopo B1-1738.
Romela phaseporoto ya gago e e sa ntseng e na le malatsi a a fetang 30 pele tiriso ya yona e khutla o sa le mo leetong.
Romela lekwalo le le tswang kwa ngakeng ya gago kgotsa setheo sa kalafi le le tlhalosang mabaka kgotsa tlhokego ya kalafi, nako e e tla tsewang ke kalafi le dintlha tsa thulaganyo ya kalafi mo Aforika borwa.
Romela bosupi jwa tšhelete kgotsa moduedi fa e le gore sekema sa thuso ya kalafi kgotsa mothapi ga ba kitla ba duelela ditshenyegelo tsa kalafi.
setefikeiti sa moento, fa go tlhokega.
Immigration Act,2000 jaaka o tokafaditswe.
Dikopo di ka tsaya bontsi jwa malatsi a ka nna 30.
<fn>GOV-ZA. Applicationforanemergencypassport.2010-03-25.tn.txt</fn>
Phaseporoto ya tshoganyetso ke tokomane e e batlegang ka tshoganyetso fa o batla go etela dinaga tse di mabapi tse go sa tlhokegeng visa ya go tsena kwa go tsona. Phaseporoto ya tshoganyetso e ka dirisiwa go boela mo Aforika Borwa ka tshoganyetso. E tsaya dikgwedi di le robong mo tirisong go tloga ka letsatsi le e abilweng ka lona, le fa e dirisetswa leeto le le lengwe fela go ya kwa nageng e o e etelang le go boela mo Aforika Borwa.
Tlatsa foromo ya kopo BI-73 kwa ofising nngwe le nngwe ya Merero ya Selegae mo Aforika Borwa.
lekwalo le le tlhalosang lebaka le le dirang gore o dire kopo ya tshoganyetso ya phaseporoto lekwaloitshupo kgotsa setefikeiti sa matsalo afidafiti fa phaseporoto ya gago e timetse kgotsa e utswitswe ditshwantsho di le nne tsa phaseporoto.
Dikopo di ka tsaya malatsi a le 5 go ya go a le 10 a tiro.
<fn>GOV-ZA. Applicationforanexceptionalskillsworkpermit.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tumelelo ya go dira ya bokgoni jo bo feteletseng e neelwa motswantle yo o nang le bokgoni jo bo feteletseng kgotsa borutegi. E ka nna gape ya neelwa mongwe wa lelapa la motho yo, wa mmatota. Dikopo di ka diriwa kwa Embasing ya Aforika Borwa kgotsa kwa boromiweng.
Tlatsa foromo ya BI-1738.
Phaseporoto e tshwanetse ya bo e sa ntse e dira mo malatsing a a seng ka fa tlase ga 30 morago ga nako ya go eta e e ikaeletsweng e fetile.
Tsenya Boipolelo jo bo tletseng le kwalotshupo e e tswang mo bathaping ba pele.
Bopaki jwa ditšhelete ka tsela ya dikanego tsa banka, ditlankana tsa lotseno, maikano ka monggae/bengae e leng mothapi wa gago mo Aforika Borwa, dibasari, dithuso tsa pholo, kgotsa o nne le madi a a tshwariwang ka letsogo, go akaretsa dikarata tsa keretiti kgotsa ditšheke tsa go eta, go kgona go akaretsa madi a go tshela ka nako ya go nna mo Aforika Borwa.
Setifikeiti sa moento, fa se tlhokega.
Tlhagisa lekwalo le le tswang kwa sethong sa dinaga sa naga ya kwa ntle kgotsa mo Aforika Borwa, kgotsa kwa setheong sa akatemi se se itsegeng sa Aforika Borwa, setlhopha sa setso kgotsa sa kgwebo, se se tla netefatsang bokgoni jwa gago jo bo feteletseng kgotsa borutegi.
Tlhagisa bopaki jo bongwe go tlaleletsa bokgoni jwa gago jo bo feteletseng kgotsa borutegi, jaaka dikgatiso le makwalotshupo.
Kopa motho yo e tlileng go nna mothapi wa gago go tlatsa karolo ya 13 , , and ya foromo ya BI-1738.
Tirelo e, e na le bogolo jwa nako e e ka nnang malatsi a 30.
<fn>GOV-ZA. Applicationforanintracompanytransferworkpermit.2010-03-25.tn.txt</fn>
Setheo sa ka fa gare sa tumelelo ya phetiso e ntshitswe go moditšhaba yo e fetedisitsweng ke setlamo go dira mo setlamong se ba nyalanang le sona mo Aforika Borwa. Tekanyetso e e sa feteng paka ya dingwaga di le pedi ya setlamo sa ka fa gare sa phetiso. Dikopo di ka romelwa go Embasi/botseta ba Aforika Borwa kgotsa Boromiwa fa o dira kopo kwa moseja wa mawatle.
Tlatsa foromokopo BI-1738.
Ntsha lekwaloforomo la setlamo sa boditšhaba go tiisa gore o tla fetesiwa go lekala la mo Aforika Borwa kgotsa go tse di kgolaganeng go setlamo sa Aforika Borwa.
Ntsha lekwaloforomo la setlamo sa boditšhaba go tiisa gore o tla fetesiwa go lekala la mo Aforika Borwa go tswa go setlamo se se theileng setlamo sa moseja wa mawatle gape le go totobatsa tiro le gore o tla thapiwa go dira eng.
Kopa yo e tla nnang mothapiwa wa gago go tlatsa karolwana ya bo 13, le ya B1-1738.
Romela bopaki jo bo tswang go ramatlotlo yo o emetseng mothapiwa go tlhalosa tlhokego ya go go thapa le go tlhalosa tiro.
Romela bopaki jo bo tswang go ramatlotlo yo a reng a ka se thape ka fa tlase ga melawana le maemo a a kwa tlase a go dira le kopo ya baagi ba ba emetseng mothapiwa go tlhalosa tlhokego ya go thapa le go tlhalosa tiro le makwalothuto.
Bosupi jo bo pakang ikwadiso ya mokgatlo wa seporofešenale kgotsa boto.
Tirelo e tsaya malatsi a a se feteng 30.
<fn>GOV-ZA. Applicationforanofficialpassport.2010-03-25.tn.txt</fn>
Phaseporoto ya semmuso e abelwa batlhankedi ba ba nang le dikgolagano le ditheo tsa puso fa ba ikaelela go etela mafatshe a kwa ntle ka maikaelelo a go dira kgwebo. Phaseporoto ya semmuso e nna dingwaga di le tlhano.
Netefatsa gore o na le lekwaloitshupo/pasa kgotsa setefikeiti sa matsalo fa o dira kopo.
Tlatsa foromo ya kopo BI-73 mme o e ise ka sebelel kwa Lefapheng la Merero ya Selegae. O ka isa foromo kwa embasing ya Aforika Borwa kgotsa kwa ntlong ya borongwa fa o le kwa nageng disele.
O tshwanetse go gatisa menwana e e tla tsenngwang mo direkotong mo Rejisetareng ya baagi.
Isa ditshwantsho tsa phaseporoto di le pedi.
Fa e le gore ga o ise o nne le lekwaloitshupo/pasa, mme e bile o eme ke nako ka fa phefong, o ka nne wa dira kopo ya phaseporoto le lekwaloitshupo/pasa ka nako e le nngwe.
Romela lekwalo le le tswang mo mothaping wa gago le le tlhalosang gore ke goreng o tlhoka phaseporoto ya semmuso.
Dikopo di ka tsaya dibeke di le 1 go ya go di le 6.
Tirelo e ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Applicationforapermanentresidencepermitspouses.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tirelo e ke ya baditšhaba ba ba nang le dikamano tsa leruri le moagi wa Aforika Borwa kgotsa moagi wa leruri wa Aforika Borwa.
Tlatsa diforomokopo tsa B1-947 le B1-29.
Dikamano tsa leruri tsa balekane ba ba tshwanang ka bong le ba ba sa tshwaneng ka bong di a amogelwa, fela go na le gore balekane ba ba neelwe setefikeiti sa lenyalo, balekane ba mothale oo ba kopiwa go neelana ka mabaka a a kgodisang a boipiletso ba go nna botlhe mo legaeng le le lengwe mme gape gore go na le kgolagano le tshegetsano ya madi ka go romela maikano.
Gore Lefapaha la Merero ya Selegae e neye balekane ba bona ba boditšhaba tumelelo ya bonno ba leruri ba moagi wa Aforika Borwa kgotsa ya moagi wa leruri, go tshwanetse go kgotsofatse gore go nnile le tumalano mo balekaneng ba ba mo kamanong.
Tumelelo ya boagi ba leruri e neelwa ka maemo a gore e tla fela fa, mo pakeng ya dingwaga di le pedi go tloga motsing wa letlha la go neetsweng tumelelo, kamano ga e sa le teng, kwa ntle fela ga loso.
Ke fela molekane wa lenyalo wa moditšhaba yo o ka dirang kopo ya maemo a, fa a nyalwa/nyala ke moagi kotsa moagi wa leruri.
O tshwanetse o bo o nyetswe/nyetse ke moagi wa Aforika Borwa kgotsa o le moagi wa leruri go ya ka molawana wa selegae kgotsa boagi mo pakeng ya dingwaga di le tlhano.
Ga go paka e e tsepameng e e tlhalosang nako ya tirelo.
Tirelo e ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Applicationforapermitapplicantsover21.2010-03-25.tn.txt</fn>
Karolwana e ke ya moditšhaba yo e leng ngwana wa moagi wa Aforika Borwa kgotsa moagi wa leruri mme a le kwa godimo ga dingwaga di le 21, a ka dira kopo ya tumelelo ya boagi ba leruri.
Tirelo e ke ya bana ba batsadi ba tsereng boagi ka mokgwa wa kamogelo ya boagi. Bana ba baagi ba Aforika Borwa ba ka amogelwa go tsaya boagi ba Aforika Borwa ka botsalo le ka maitsholomantle mme ga ba tshwanela go dira kopo ya go nna le boagi ba leruri.
Dikopo di ka romelwa go kantoro efe kapa efe ya Merero ya Selegae kgotsa botseta ba Aforika Borwa kgotsa mmishineng fa o dira kopo kwa moseja wa mawatle.
Batsadi ba kopiwa go romela boitshupo ba boagi kgotsa boemo ba bona ba boagi ba leruri mo Aforika Borwa ka mokgwa wa lokwaloboitshupo/pasa kgotsa tumelelo ya bonno ba leruri.
Go supa bopaki ba botsadi, romela setefikeiti sa botsalo sa ngwana.
Batsadi ba tshwanetse go romela boiteko ba tshegetso ya ditšhelete.
Tirelo e e tla tsaya malatsi a le 30.
<fn>GOV-ZA. Applicationforapermitchildofcitizen.2010-03-25.tn.txt</fn>
Karolwana e ke ya moditšhaba yo o leng dingwaga di le 21 mme e le ngwana wa moagi wa Aforika Borwa kgotsa moagi wa leruri. Tumelelo ya moagi wa leruri e ntshiwa tlase ga maemo a gore tiriso ya yona e tla fela morago ga dingwaga di le pedi go tswa letlheng la matsalo a gago a dingwaga di le 21, kwa ntle fela le fa kopo e tlhomamisa maemo a bonno fa e dirwa.
Dikopo di ka romelwa go kantoro efe kapa efe ya Merero ya Selegae kgotsa Embasi/botseta ba Aforika Borwa kgotsa mmishineng fa o dira kopo kwa moseja wa mawatle.
Tlatsa diforomokopo B1-947 le B1-29.
Batsadi ba kopiwa go romela boitshupo ba boagi kgotsa boemo ba bona ba boagi ba leruri mo Aforika Borwa ka mokgwa wa lokwaloboitshupo/pasa kgotsa tumelelo ya bonno ba leruri.
Go supa botlhatsi ba botsadi, romela setefikeiti sa botsalo sa ngwana.
Batsadi ba tshwanetse go romela boiteko ba tshegetso ya madi..
<fn>GOV-ZA. Applicationforapermitfamilyreunionscheme.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tirelo e ke ya batho ba e ka nnang baagi ba leruri ba ba eletsang go dira kopo ya phamiti ya go nna baagi ba leruri go lebeletswe gore motho ke tokololo ya lelapa la moagi wa Aforika Borwa kgotsa moagi wa leruri mo dikgatong tsa ntlha tsa kamano ka madi. Batho ba, ba na le le maikaelelo a go nna baagi ba leruri, ditokololo tsa lelapa mo dikgatong tsa ntlha tsa kamano ka madi e e tlhalosiwang e le ya bana ba ba belegweng le batsadi kgotsa batho ba ba abetsweng bana semolao kgotsa batho ba ba amanang ka lenyalo.
Dikopo di ka dirwa mo dikantorong tsa Merero ya Selegae kgotsa Embasing/botseteng ba Aforika Borwa fa o dirwa kwa moseja wa mawatle.
Moagi wa Aforika Borwa kgotsa moagi wa leruri o tshwanetse go romela maiteko a maikarebelo a tsa matlotlo, tsa pholo le tebo ya modirakopo. Le fa go le jalo, fa wa losika e le motsadi wa mmotlana, ga go boiteko bo bo tlhokegang.
Ga go paka e e beilweng ya tirelo.
<fn>GOV-ZA. Applicationforapermitretiredpersons.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tirelo e ke ya motho yo o kaiwang a rotse tiro mo Aforika Borwa. Ga go tekanyetso e e beilweng ya dingwaga. Dikopo di ka romelwa go kantoro efe kapa efe ya Merero ya Selegae kgotsa Embasi/botseta ba Aforika Borwa kgotsa mo Boromiweng fa o dira kopo kwa moseja wa mawatle.
O tshwanetse go bontsha bosupi go Lefapha la Merero le Selegae gore o na le ditshiamelo tsa phenšene, madi a kokoanyetswa a botsofe kgotsa akhaonto ya botsofe le gore o tla neelana ka bonnye jo bo kana ka R20 000 be leng madi a a beilweng ka ngwaga. Ka thefosano, o tshwanetse go supetsa Lefapha la Merero ya Selegae gore o na le kopanyo ya dithoto mo o boneng moputso wa kgwedi wa bokana ka R20 000.
Ga go paka e e tsepameng ya tirelo e.
<fn>GOV-ZA. Applicationforapermitworker.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tirelo e ke ya motho yo o kaiwang e le moditšhaba a ikaelela go dira kopo ya seemo sa leruri sa bonno ka fa tlase ga boemo jwa gore o kile a amogela tiro ya leruri mo Aforika Borwa. Kopo e tshwanetse go nna tekanong ya ngwaga e e tlhalositsweng nako le nako. Dikopo di ka dirwa kwa dikantorong tsa Merero ya Selegae mo porofenseng e o nnang mo go yona. O tshwanetse go bo o na le maemo a mokopatshireletso ya dingwaga di le tlhano gore o dire kopo.
Tlatsa diforomokopo BI-947 le BI-29E.
gore ga go moagi wa Aforika Borwa yo e mo tshwanelang kgotsa yo o ka tlatsang phatlhatiro eo.
Lefapha la Ditiro le tshwanetse go netefatsa gore melawana le maemo a kabelo ya tiro e ka fa tlase ga e e leng teng mo mmarakeng o o matshwanedi wa dikarolo tsa baagi le badudi. Go direng jalo, Lefapha la Ditiro , le tlhoka go utlwisisa ditumalano tsa ditherisano tsa kwa tirong tse di leng teng le boemo jo bongwe jo bo leng teng.
Ga go na sepe.
<fn>GOV-ZA. Applicationforaretiredpersonpermit.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tumelelo ya motho yo o rotseng tiro, e neelwa batswantle ba ba ratang go rola tiro ba le mo Aforika Borwa.
Neela bopaki jwa lotseno la bonnye jo bo kana ka R25 000 ka kgwedi lo lo tswang mo letloleng la phenšene kgotsa anyuithi ya go rola tiro e e ka se keng ya emisiwa kgotsa fa madiotlhe e ka nna a a seng ka fa tlase ga dimilione di le R15.
Fa o batla go dira, o tshwanetse go neela bopaki ba gore ga go na moagi wa Aforika Borwa yo o ka tsayang tiro e o e kopileng.
Tlhagisa konteraka ya bothapi e e tswang kwa mokgatlhong o o tlabeng o o direla e na le dintlha tsotlhe tse di tlhokegang tsa ka ga mokgatlho o.
Neela setifikeiti sa moento wa letshoromo le le setlha fa o eta kgotsa fa o ikaelela go eta mo lifelong le le nang le bolwetsi jwa letshoromo le le setlha. Setifikeiti se ka se ke sa tlhokega fa o kile wa eta kgotsa fa o ikaelela go eta go fapoga lefelo leo kgotsa fa kopo e dirilwe mo Aforika Borwa.
Duela madi a peeletso. Madia a jalo a peeletso, ga a busediwe morago go mmeeletsi morago ga go tsamaya kgotsa morago ga go neelwa tumelelo. O ka duela madi a peeletso ka tšheke e e kannweng kgotsa karata ya kerediti kwa mafelong a a nang le ditirelo tse di jalo.
Tlhagisa setifikeiti se se go phimolang melato yotlhe sa mapodisi, mmogo le depegelo tsa pholo le tsa radioloji. Basadi ba baimana le bana ba ba ka fa tlase ga dinyaga di le 12, ga ba tlhoke go neela pegelo ya radioloji.
Tirelo e, e tsaya bogolo jwa nako e e ka nnag malatsi a le 30.
<fn>GOV-ZA. Applicationforastudentexchangepermit.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tumelelo ya lenane la kananyo ya baithuti ke tumelelo e e abelwang baithuti ba batswantle ba ba tshwanetseng go tsaya karolo mo porojekeng kgotsa lenane le le rileng mo setheong sa thuto se segolwane mo Aforika borwa.
Dira kopo kwa embasing ya Aforika Borwa kgotsa kwa ntlong ya borongwa.
le le tlhomamisang gore setheo sa thuto se tla rwala maikarabelo a moithuti fa a sa ntse a ithuta mo Repaboliking le gore moithuti o amogetswe go tsenela dithuto mo setheong sa thuto e bile o kwadisitswe.
tlhomamisa letlha le lenanethuto le tlileng go simolola ka lona mo Aforika Borwa.
Dikopo di ka tsaya malatsi a le 30.
<fn>GOV-ZA. Applicationforasubsidyofachildrenshome.2010-03-25.tn.txt</fn>
Legae la bana ke lefelo le le kwadisitsweng la tlhokomelo ya bana. Magae a bana a ka nna a dira topotuelo ya kgwedi ya ketleetso kgwedi nngwe le nngwe go tswa mo mmusong go duela ditlhotlhwa tsotlhe tsa dilo tse di diriwang mo legaeng la bana. Ketleetso e e abiwang e a farologana, mme e itshetlegile ka ditlhotlhwa tsa dilo tse di diriwang mo legaeng la bana le palo ya bana ba ba nnang mo legaeng leo.
Ke mang yo o tshwanetseng go kopa ketleetso?
Magae a bana a a kwadisitsweng.
Tlatsa foromo kwa kantorong ya Ditirelo tsa Loago e e gaufi le wena.
Foromo e e tladitsweng e tshwanetse go saenwa ke Modulasetulo wa Komiti ya Tsamaiso le Mokaedi wa Kgaolo wa Legae le le rileng la Bana.
Tlisa foromo ga mmogo le setifikeite sa boikwadiso sa NPO le ditlankana tsa banka kwa Lefapheng.
Ketleetso e neelwa setheo malebana le lelapa lengwe le lengwe le le amogelang ditshiamelo e bile le amogelang manno ka thuso ya setheo seo.
Ketleetso e duelwa setheo e seng moamogeladitshiamelo.
Tirego ya kopo e tla tsaya dikgwedi tse di fetang tharo gore kopo e sekasekiwe.
Fa kopo ya gago e amogetswe, e tla tlhatlhobiwa gore e newe boikanyego.
Fa Lefapha le kgotsofetse ka kopo ya gago, o tla neelwa dikatso.
Tshwetso e e tsewang e ikaegile ka go bonwa ga metswedi le botlhokwa jwa tirelo.
Mmuso o naya diketleetso mo dikgweding di le tharo go ya ka thadiso gape ya ditirelo tsa magae a bana.
Ditirelo ga di duelelwe.
Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, e ya kwa Lefapha la Tlhabololo ya Loago.
<fn>GOV-ZA. Applicationforasylum.2010-03-25.tn.txt</fn>
Kopo ya botshabelo e dirwa ke mokopi gore a tle a amogelwe jaaka motshabi mo nageng.
Mokopi wa botshabelo ke motho yo o tshabileng kwa nageng ya gaabo a tshaba go bogisiwa mme mokopi o a bo a kopa go amogelwa jaaka motshabi- mo lebakeng le mo Aforika borwa. Mokopi o tla tsewa e le mokopa botshabelo fa kopo ya gagwe e ntse e sekwasekwa.
Mokopi wa botshabelo o tla newa phemiti e e sa ntšhwafadiweng kwa lefelo-bogorogelong la Aforika borwa Phemiti e tsaya malatsi a le 14 mme e naya mong wa phemiti sebaka sa go ipega ka Ofising ya Kamogelo ya Batshabi gore a kgone go dira kopo ya botshabelo.
Fa o batla tshedimosetso, e nngwe gape, e ya go Lefapha la Merero ya Selegae.
Puisano ya ntlha e tla tsamaisiwa ke RRO mme mmatla botshabelo o tla tlatsa foromo BI-1590.
Phemiti ya mmatla botshabelo e tla gatisiwa, ya saeniwa, ya tempiwa mme ya neelwa mmatla botshabelo.
Phemiti e e tsayang malatsi a le 30, e tla letla mmatla botshabelo go nna mo Aforika borwa nakwana. Phemiti e ka katoloswa ka malatsi a le 30 gape mme morago e ka katoloswa ka dikgwedi di le tharo.
Pele phemiti ya gagwe e khutla, mmatla botshabelo o tshwanetse go ipega kwa RRO go dira puisano ya bobedi, e e tla tsamaisiwang ke Motlhankedi wa Tlhomamiso ya Maemo a Batshabi Refugee Status Determination Officer.
Tlhomamiso ya Maemo a Batshabi e tla tswela pele go tlhatlhoba kopo mme e tla tsaya tshwetso malebana le kopo ya botshabelo.
Fa mokopi a ka newa botshabelo, Motshabi o tshwanetse go dira kopo ya karata ya boitshupo ya batshabi kwa RRO nngwe le nngwe mo malatsing a le 15.
Morago a gore a fiwe karata, motshabi a ka nne a dira kopo ya Lekwalo la Mosepele la Ditumalaono tsa Dinaga tse di Kopaneng United Nations Convention Travel Document kwa RRO nngwe le nngwe.
Maemo a botshabi a tsaya dingwaga di le pedi, fela motshabi a ka kwala lekwalo le le kopang gore maemo a gagwe a sekasekwe kgotsa nako ya gagwe e okediwe dikgwedi di le tharo pele lekwalo la botshabi le ya bokhutlong.
Dikopo di ka tsaya dikgwedi di le thataro.
Tirelo e ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Applicationforasylumseekerspermit.2010-03-25.tn.txt</fn>
Kopo ya botshabelo e dirwa ke mokopi gore a tle a amogelwe jaaka motshabi mo nageng.
Mokopi wa botshabelo ke motho yo o tshabileng kwa nageng ya gaabo a tshaba go bogisiwa mme mokopi o a bo a kopa go amogelwa jaaka motshabi- mo lebakeng le mo Aforika borwa. Mokopi o tla tsewa e le mokopa botshabelo fa kopo ya gagwe e ntse e sekwasekwa.
Mokopi wa botshabelo o tla newa phemiti e e sa ntšhwafadiweng kwa lefelo-bogorogelong la Aforika borwa Phemiti e tsaya malatsi a le 14 mme e naya mong wa phemiti sebaka sa go ipega ka Ofising ya Kamogelo ya Batshabi gore a kgone go dira kopo ya botshabelo.
mokopi o tla sekasekwa mokopi o tla gatisiwa menwana go tla batlwa moranodi.
Puisano ya ntlha e tla tsamaisiwa ke RRO mme mmatla botshabelo o tla tlatsa foromo BI-1590.
Phemiti ya mmatla botshabelo e tla gatisiwa, ya saeniwa, ya tempiwa mme ya neelwa mmatla botshabelo.
Phemiti e e tsayang malatsi a le 30, e tla letla mmatla botshabelo go nna mo Aforika borwa nakwana. Phemiti e ka katoloswa ka malatsi a le 30 gape mme morago e ka katoloswa ka dikgwedi di le tharo.
Pele phemiti ya gagwe e khutla, mmatla botshabelo o tshwanetse go ipega kwa RRO go dira puisano ya bobedi, e e tla tsamaisiwang ke Motlhankedi wa Tlhomamiso ya Maemo a Batshabi.
Tlhomamiso ya Maemo a Batshabi e tla tswela pele go tlhatlhoba kopo mme e tla tsaya tshwetso malebana le kopo ya botshabelo.
Fa mokopi a ka newa botshabelo, Motshabi o tshwanetse go dira kopo ya karata ya boitshupo ya batshabi kwa RRO nngwe le nngwe mo malatsing a le 15.
Morago a gore a fiwe karata, motshabi a ka nne a dira kopo ya Lekwalo la Mosepele la Ditumalaono tsa Dinaga tse di Kopaneng kwa RRO nngwe le nngwe.
Maemo a botshabi a tsaya dingwaga di le pedi, fela motshabi a ka kwala lekwalo le le kopang gore maemo a gagwe a sekasekwe kgotsa nako ya gagwe e okediwe dikgwedi di le tharo pele lekwalo la botshabi le ya bokhutlong.
Dikopo di ka tsaya dikgwedi di le thataro.
Tirelo e ga e duelelwe.
Application for asylum, BI-1590 Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.
<fn>GOV-ZA. Applicationforatemporarypassport.2010-03-25.tn.txt</fn>
Phaseporoto ya nakwana e abelwa Maaforika Borwa ba ba tshwanetseng go tsaya loeto la tshoganyetso mme go sa kgonagale gore ba ka emela phaseporoto ya tlwaelo go ntshiwa. Phaseporoto ya nakwana e letleletswe dikgwedi di le 12. Fa o dira kopo ya phaseporoto ya nakwana, o tshwanetse go dira le kopo ya phaseporoto ya leruri.
Tlatsa foromo ya kopo BI-73 kwa ofising nngwe le nngwe ya Merero ya Selegae mo Aforika Borwa.
lekwalo le le tlhalosang lebaka le le dirang gore o dire kopo ya tshoganyetso ya phaseporoto lekwaloitshupo kgotsa setefikeiti sa matsalo ditshwantsho di le nne tsa phaseporoto afidafiti fa phaseporoto ya gago e timetse kgotsa e utswitswe.
Dikopo di ka tsaya malatsi a le 5 go ya go a le 10 a tiro.
<fn>GOV-ZA. Applicationforatouristpassport.2010-03-25.tn.txt</fn>
Phaseporoto ya bojanala ke tokomane e o e tlhokang fa o ya go etela kwa nageng e nngwe gore o tle o kgone go tsena gape mo Aforika Borwa. Phaseporoto ya bojanala e fiwa baagi ba Aforika Borwa ba ba leng dingwaga di le 16 le go feta. E dirisiwa go etela dinaga tsotlhe mo lefatsheng kwantle ga fa go kailwe ka tsela e nngwe. Phaseporoto e tsaya nako ya dingwaga di le lesome go tloga ka letsatsi le e abilweng ka lona.
O tshwanetse wa bo o na le lekwaloitshupo le le khoutilweng ka dinoko di le 13 barakhoutu kgotsa setefikeiti sa mattsalo fa o batla go dira kopo. Kopo ya phaseporoto le lekwaloitshupo e ka dirwa ka nako e le nngwe fa o sa kgone go leta.
Tlatsa foromo ya kopo BI-73 mme o e ise kwa ofising e e leng gaufi le wena ya Lefapha la Merero ya Selegae. Fa o le kwa nageng esele isa foromo kwa embasing kgotsa ntlo ya borongwa..
O tla kopiwa go dira dikgatiso tsa menwana mme tsona di tla rekotiwa mo rejisetareng ya baagi ba naga.
O tshwanetse go tlisa ditshwantsho di le pedi tsa paseporoto.
Phaseporo e ka abiwa mo nakong ya dibeke di le 6.
<fn>GOV-ZA. Applicationforavisa.2010-03-25.tn.txt</fn>
Visa ke tiisetso e e gokeletsweng mo phaseporotong ya semolao ya moditšhaba, e neela moditšhaba yoo, tumelelo ya go tsena mo Aforika Borwa.
kopiwa kwa embasing ya Aforika Borwa kgotsa kwa boromiweng jo bo fa gaufi fa Aforika Borwa e sa emelwa kwa nageng ya gago. Seno se tlhokega le mo batshwaring ba diphaseporoto tsa boi dipolomate le batlhankedi ba ba tlhokang diphemiti tsa bodipolomata.
peeletso e ka nna ya kopiwa.
Tirelo e e tsaya malatsi a le 10.
<fn>GOV-ZA. Applicationforchangeofgender.2010-03-25.tn.txt</fn>
Baagi ba Aforika borwa kgotsa baagi ba ba nang le makwalo a bonno a leruri ba ba fetolang bong ba bona pele Molao wa Ikwadiso ya Matsalo le Dintsho, 1992, o tsengwa mo tirisong, ba ka dira kopo ya go fetola bong jwa bona.
Tlatsa foromo BI-526 kwa ofising nngwe le nngwe ya Merero ya Selegae. O ka dira kopo kwa embasing ya Aforika borwa kgotsa kwa ntlong ya borongwa fa o dira kopo ya gago o le kwa nageng ya kwantle.
O tshwanetse wa bo o tshotse setefikeiti sa matsalo.
Mo lebakeng la fa motho a fetotse dirwe tsa gagwe tsa bonna kgotsa tsa bosadi ka karo kgotsa ka kalafi nngwe e a e filweng, o tshwanetse go tlisa direpoto tse di tlhalosang maemo a dipholo kgotsa thulaganyo nngwe le nngwe e e latetsweng kgotsa e e baakantsweng ke dingaka ba ba tsamaisitseng tiro ya phetogo ya boemo jwa gago kgotsa ba ba neng ba go alafa.
Mo kgetseng nngwe le nngwe, o tshwanetse go tlisa repoto se se buang ka maemo a gago a bong gajaanong e e tshwanetseng go tsamaisiwa le lekwalokopo. Repoto e e tshwanetse go kwalwa ke ngaka ya gago o a tlhatlhobileng mokopi gore a kgone go netefatsa bong jwa gagwe.
O tshwanetse go tlisa repoto ya ngaka ya ponelomowa yo o neng a kgothatsa mokopi, go naya dintlha tsotlhe tsa tsamaiso, segolo-bogolo hisitori ya teng le ga mmogo le maikutlo a motho yo o fetotseng bong jwa gagwe.
Fa mokopi a le dingwaga di le 16 kgotsa go feta, o tshwanetse go dira kopo ya lekwalo le lentšhwa la boitshupo.
Menwana e tshwanetse go gatisiwa sešwa gore go tle go netefatswe sentle le go siamisa databeisi ya HANIS ka dintlha tse dintšhwa.
Tirelo e e ka tsaya dibeke di le robedi.
<fn>GOV-ZA. Applicationforcitizenbydescent.2010-03-25.tn.txt</fn>
Go nna moagi wa Aforika borwa ka tshika go tewa mongwe le mongwe yo o sa belegelwang mo Aforika borwa mme yo mongwe wa batsadi ba gagwe e le moagi wa Aforika borwa.
Batsadi ba e leng Maaforika borwa ba tshwanetse go tlatsa foromo BI-529.
Fa e le gore o motsadi ka tsholo , o tshwanetse go isa lekwalo la taelo ya go tshola ngwana.
Isa khopi ya setefikeiti sa matsalo sa boditšhaba.
Isa dikhopi tsa ditefikeiti tsa lenyalo tsa mokopi le tsa batsaci.
Fa ngwana e le letlaleanya, batsadi ka bobedi ba tshwanetse go saena foromo ya ikwadiso BI-24.
Isa bosupi jwa boagi jwa boditšhaba jwa motsadi wa mo Aforika borwa.
Isa bosupi jwa matsalo jwa motsadi wa mo Aforika borwa.
Kopo e ka tsaya dibeke di le 6 go ya go di le 8.
Tirelo ga e duelelwe.
Ela tlhoko: Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.
<fn>GOV-ZA. ApplicationfordeterminationofSAcitizenship.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tirelo e e lekola gore modirakopo ke moagi wa Aforika Borwa ka nnete pele lokwalo lw boitshupo/pasa e ntshiwa. Se se diragalela batho ba e neng e le baagi ba Aforika Borwa pele ba tlogela naga mme ba ikaelela go busetswa boagi ba bona. Dikopo di ka romelwa go kantoro efe kapa efe ya Embasi/botseta ba Aforika Borwa kgotsa Boromiwa fa o dira kopo kwa moseja wa mawatle.
Tlatsa foromokopo BI-1664 efoga go latlhegelwa ke baagi ba Aforika Borwa.
Ditlankana tsa sephiri tsa modirakopo di tla sekasekwa.
Dikopo di ka tsaya dibeke tse pedi 8 go ya go d le 12.
<fn>GOV-ZA. Applicationfordualnationality.2010-03-25.tn.txt</fn>
Moaforika borwa yo o batlang go fiwa bonni jwa naga e nngwe o tshwanetse go dira kopo kwa Lefapheng la Merero ya Selegae gore a se latlhegelwe ke bonni jwa gagwe jwa Aforika borwa pele a amogelwa jaaka moagi wa naga e nngwe. Botšhabapedi kgotsa go nna monni wa dinaga tse pedi go raya gore motho o tsewa e le monni wa dinaga tse pedi.
Botšhabapedi bo abelwa batho ba ba kwa godimo ga dingwaga di le 21.
Dira kopo kwa embasing ya Aforika borwa kgotsa kwa ntlong ya borongwa fa o dira kopo kwa ntle ga Aforika borwa.
Tlatsa diforomo BI-1664 le BI-529 kwa ofising ya Merero ya Selegae nngwe le nngwe.
E ka tsaya dibeke di le thataro go ya go di le robedi.
<fn>GOV-ZA. Applicationforexemptionfromlossofcitizenship.2010-03-25.tn.txt</fn>
Thebolo e, e kgontsha baagi ba Aforika Borwa go nna baagi ba naga e nngwe kwa ntle ga go latlhegelwa ke boagi ba bona ba Aforika Borwa. Dikopo di ka dirwa kwa dikantorong dife kapa dife tsa Merero ya Selegae. Dira kopo kwa Emabasing/botseteng kgotsa Boromiweng fa o le kwa moseja wa mawatle.
Tlhagisa khopi e e netefaditsweng ya setefikeiti sa lokwalo la boitshupo/pasa ya gago ya Aforika Borwa kgotsa phaseporoto.
Tlhagisa khopi e e netefaditsweng ya setefikeiti sa lokwalo la matsalo la Aforika Borwa le pego e o e ikanetsweng e tlhalosa gore ga go boagi bope bo o bo tsereng. Dikhopi tsotlhe tsa ditokomane le pego e e ikanetsweng e tshwanetse go netefadiwa ke Moikanisi kgotsa Notary Public.
Baagi ba Aforika Borwa ba ba latlhegetsweng ke boagi ba Aforika Borwa morago ga go iponela boagi ba naga e nngwe fa ba ne ba se babotlana mme ba sa dira kopo ya go nna ba tshotse boagi, pele ba nna baagi ba dinaga tse dingwe, ba ka dira kopo ya thebolo.
khopi ya setefikeiti se se netefaditsweng sa boagi ba boditšhaba.
Romela khopi ya setefikeiti se se netefaditsweng sa lokwalo la boitshupo/pasa ya Aforika Borwa kgotsa phaseporoto kgotsa setefikeiti sa lokwalo la matsalo la Aforika Borwa.
Dikhopi tsotlhe tsa ditokomane le pego e e ikanetsweng e tshwanetse go netefadiwa ke Moikanisi kgotsa Notary Public.
Tirelo e tsaya malatsi a le matlhano a tiro.
<fn>GOV-ZA. Applicationforexemtionfromincometax.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tsholo e e itlhophileng e tla fiwa mekgatlho e e sa boneng lotseno lo lo tlhomilweng go thusa setšhaba ka kakaretso. Le fa go le jalo, tsholo e e itlhophileng e tla nna teng go mekgatlho e e ikamanyang le tshiamelo ya Molao wa Mekgatlho e e sa Boneng Lotseno wa 1997 le molao o o tsamaisanang le ona.
Setlamo se se tsenyeletswang mo go Karolo ya Molao wa Ditlamo wa Karolo 21 wa 1973. Karolo 21 e na le memorantamo le athikele tsa mekgatlho jaaka e theilwe ka tokomane mme e ikwadisitse le Moikwadisi wa Ditlamo.
Therasete e e nang le tokomane e e nang le go theiwa ka dikano tsa therasete e e ikwadisitsweng le Molaodi wa Kgotlatshekelokgolo.
Mokgatlho wa batho. Mokgatlho o o ithaopang o o busang ke molaotheo.
Fa tokomane ya go thewa e sa ikamanya le ditshiamelo tsa Karolo 30 ya Molao wa Mekgatlho e e sa Boneng Lotseno wa 1997, kopo e tshwanetse e pataganngwe ke maikemisetso a a kwadilweng a a saennweng ke mokopi. Fa o sa gololwa mo go dueleng lekgetho go tla tswelela go diragala go fitlha mo nakong eo mokopi a ka itsisiweng ke Madirelo a Makgetho a Aforika Borwa ka tshwetso e e tserweng go ya ka molao o montšhwa.
Mekgatlho e e sa gololwang semmuso mo go dueleng lekgetho la lotseno jaanong e ka romela diforomokopo tse di tladitsweng le ditokomane tse di tshwanetseng, mmogo le maikaelelo a a kwadilweng, fa motho yo a mo emetseng go dumela gore o tla ikamanya le tshiamelo ya Karolo 30 ya ya Molao wa Mekgatlho e e sa Boneng Lotseno wa 1997.
setlamo: Pataganya dikhopi tsa Memorantamo le Diathekele Lekgotla la therasete : Pataganya khopi ya therasete ya kano le nngwe ya tse di latelang tsa dikano tse di fetotsweng.
lekgotla la batho: Pataganya khopi ya molaotheo wa sešweng.
Mekgatlho e e tlhomilweng le maikemisetso a magolo a go neelana ka ditshegetso tsa go ithuta, dibasari le dikabelo tsa thuto, dipatlisiso le go ruta, di tshwanela go tlaleletsa ditokomane tse di tshegetsang tse di fa godimo le tsona di tladiwe ka El 3 Maikemisetso a Kwadilweng.
Dikolo tsa semmuso le tsa poraefete, ditheo tsa thuto tse di kgolwane, ditheo tsa katiso le thuto ya batho ba bagolo, le ditheo tsa thuto le katiso, gape le ditheo tsa thuto ya katiso le thuto ya bagolo e tshwanetse go pataganya khopi ya setefikeiti sa boikwadiso se se ntshitsweng ke Bothati jwa Thuto.
Dikopo tsotlhe tse di sa amogelwang ke Yuniti ya go golola mo tuelong ya legetho, e ikaegile ka tshedimosetso e e matshwanedi le ditokomane tse di tshegetsang, e tla ntsha ka khomputara - ditshwetso le kitsiso mo dibekeng di le nne go tloga ka letlha la thomelo.
Tirelo e ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Applicationforextension.2010-03-25.tn.txt</fn>
Moduelalekgetho a ka dira kopo ya katoloso ya letlha le a tshwanelang ke go romela manane a lekgetho.
Fa aterese ya moduelalekgetho e sa itsiwe ke SARS.
Rekoto ya moduelalekgetho ga e se teng/bonale.
Setlamo /Koporasi e e kopetsweng /Therasete e e sa diring.
Moduelalekgetho a fudigile.
Rekoto ya moduelalekgetho e tshwailwe e le boswa sekao: loso, o tšhonne, e tswaletswe.
Lenane le setse le amogetswe mabapi le ngwaga o o rileng wa lekgetho fa kopo e tla romelwa.
Kopo ya bofelo ya go ntshiwa ga tagafara- ka ngwaga o rileng.
Lenane la Lekgetho la Lotseno le saletse kwa morago kwa ntle ga thulaganyo e e matshwanedi le ya lenane le fetilweng ke tiriso.
Lekgetho la lotseno le saletse kwa morago kwa ntle ga go rulaganya tiegiso.
Lenane la paka/ngwaga ga la ntshiwa.
Moduelalekgetho o rwesiwa maikarabelo a ngwaga wa jaanong wa lekgetho.
Nako ya katoloso e feta paka ya bofelo e e dumelesegang ya ngwaga wa lekgetho.
Rekoto ya moduelalekgetho e mo boemong ba go fetisiwa go tswa mo lefelong le lengwe go ya go le lengwe.
Manane/Bokana ba VAT e e saletseng morago kwa ntle ga dithulaganyo- letlha la thomelo la manane le le fetile/ga go dithulaganyo tse di tlhaloswang tsa selekanyo se se saletsweng kwa morago.
Go bapisa kanego / lenane/ selakanyo se se saletsweng kwa morago kwa ntle ga thulaganyo e e maleba le letlha la thomelo la kanego/letha la lenane le fetilwe ke tiriso/ fa tiego e e rulagantsweng e saletse kwa morago ya selekanyo.
Kopa katoloso ya thomelo ya poelo ya Lekgetho ka webosaete ya SARS kgotsa ka imeili.
Fa kopo e dirilwe, o tla itsisiwe ka emeile, go diriswa aterese e o neelaneng ka yona. Fa o sa neelane ka aterese ya emeile, o ka ikgolaganya le Kantoro ya lekala le le gaufi la SARS morago ga letsatsi la tiro.
Ikwadise mo inthaneteng.
<fn>GOV-ZA. Applicationforfamilyreunionscheme.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tirelo e ke ya batho ba e ka nnang baagi ba leruri ba ba eletsang go dira kopo ya phamiti ya go nna baagi ba leruri go lebeletswe gore motho ke tokololo ya lelapa la moagi wa Aforika Borwa kgotsa moagi wa leruri mo dikgatong tsa ntlha tsa kamano ka madi. Batho ba, ba na le le maikaelelo a go nna baagi ba leruri, ditokololo tsa lelapa mo dikgatong tsa ntlha tsa kamano ka madi e e tlhalosiwang e le ya bana ba ba belegweng le batsadi kgotsa batho ba ba abetsweng bana semolao kgotsa batho ba ba amanang ka lenyalo.
Dikopo di ka dirwa mo dikantorong tsa Merero ya Selegae kgotsa Embasing/botseteng ba Aforika Borwa fa o dirwa kwa moseja wa mawatle.
Tlatsa diforomokopo BI-947 le BI-29.
Moagi wa Aforika Borwa kgotsa moagi wa leruri o tshwanetse go romela maiteko a maikarebelo a tsa matlotlo, tsa pholo le tebo ya modirakopo. Le fa go le jalo, fa wa losika e le motsadi wa mmotlana, ga go boiteko bo bo tlhokegang.
Ga go paka e e beilweng ya tirelo.
<fn>GOV-ZA. Applicationformaintenanceorder.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tlamelo ke patelesego ya go tlhokomela motho yo mongwe sekao, jaaka ngwana yo monnye, ka go mo neela ntlo, dijo, diaparo, thuto le tlhokomelo ya kalafo, kgotsa ka fa o ka kgonang ka teng go tlhokomela motho yo ka dilo tse di botlhokwa tse di tlhokegang.
Ke mang yo o tshwanetseng go tlamelo mongwe?
Tiro ya go tlamela e ikaegile ka botsalano jwa madi, motsadi-ka-tlhokomelo , kgotsa ka ntlha ya gore batho ba ba bedi ba nyalane.
nkoko le rremogolo, le fa e le gore batsadi ba ne ba sa nyalana. Le fa go ntse jalo, se, se tla farologana go ya ka kgetse ka kgetse.
Tiro ya go tshegetsa leloko la lelapa ga e lekanyetswe go tlamela ngwana fela.
Leloko la lelapa le le kopang tshegetso ga le kgone go itlamela..
Leloko la lelapa le le kopiwang go tlamela mongwe, le kgona go neela tlamelo e e kopiwang.
Go ka kopiwa tuelo ya ditshenyegelo dife?
O ka kopa tshegetso e e dumelesegang e e tlhokegang ya go tlhokomela ngwana kgotsa motho yo o tshwanetseng go bona tlamelo e e nang le botshelo le kgodiso e e siameng. Se se akaretsa go tlhokomela ka dilo tse di botlhokwa jaaka dijo, diaparo le ntlo, mmogo le go duelela thuto e e siameng. Kgotlatshekelo e ka nna ya laela rre gore a duele tlamelo ya ditshenyegelo tsa go simolola ka letlha le ngwana a tshotsweng ka lona go fitlha ka letlha le taelo ya go tlamela e neetsweng ka lona. Kgotlatshekelo e ka nna gape ya neela taelo ya go duelela ditshenyegelo tsa kalafo, kgotsa e ka laela gore ngwana a kwadisiwe mo sekemeng sa kalafo sa mongwe wa batsadi jaaka moikaegi-ka-ena. Go kgontsha gore kgotlatshekelo e neele taelo ya tlamelo e e dumelesegang, batsadi/makoko a mabedi a, a tshwanetse go neela kgotlatshekelo bopaki jwa ditshenyegelo tsa bona.
Pono ya gago ya maitsholo a motsadi yo mongwe, ga e na tlhotlheletso epe mo ditshiamelong tsa ngwana wa gago gore a bone tlamelo.
le fa batsadi ka bobedi ba nna le bana ba bangwe gape mo isagweng.
Tiro ya gago ya go duelela tlamelo le ya go kgona go bona bana, ke dilo di le pedi tse di farologaneng mme e nngwe ga e tsalane ka gope le e nngwe. Go feta foo, bana ba bobedi joo, ga ba tlhotlheletse tiro ya go tshegetsa. Le fa go ntse jalo, palo ya madi a tlamelo e ka nna ya tokafadiwa ke kgotlatshekelo fa e le gore batsadi ka bobedi, ba ka tsenya kopo e e ntseng jalo.
Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, ikgolaganye le ba Lefapha la Bosiami le Tlhabololo ya Molaotlhomo.
Dira kopo ya tlamelo kwa kgotlatshekelong ya mmagiseterata wa kgaolo e o dulang kwa go yona.
Fa o belaela, kgotlatshekelo ya selegae e tla go bolelela gore o ye go dira kopo ya tlamelo kwa kgotlatshekelong efe.
E ya kwa kgotlatshekelong e e maleba mme o tlatse o be o ise Foromo ya A: Kopo ya taelo ya go duelwa tlamelo..
Mo godimo ga foromo e e tladitsweng, tsenya bopaki jwa letseno la gago la kgwedi le ditshenyegelo, jaaka diresiti tsa dijo tse di rekilweng, dituelo tsa motlakase le/kgotsa dituelo tsa rente.
Kgotlatshekelo e tla baya letlha le ka lona wena le moikarabedi le tla yang kgotlatshekelo ka lona.
Motlhankedi wa tlamelo le mmatlisisi ba tla batlisisa kopotuelo ya gago mme ba leba mabaka a gago.
Kgotlatshekelo e tla ntsha tagafara e e yang kwa go moikarabedi go tla go tlhagelela kwa kgotlatshekelo ka letlha le le rileng go tla go buisana ka molato o.
Moikarabedi ka jalo, o na le tlhopho ya go duela tlamelo jaaka go kopiwa/a latofadiwa kgotsa a ka ganana le molato o kwa kgotlatshekelo.
Fa moikarabedi a dumela go duela tlamelo jaaka go kopiwa, mmagiseterata o tla sekaseka sešwa ditokomane tse di maleba. O tla dira taelo, mme a ka nna a dira jalo kwa ntle ga go kopa ditlhopha tse pedi tse go tlhagelela kwa kgotlatshekelo.
Fa motho yo o tshwanetseng go duela tlamelo a sa rekegele taelo ya go duela tlamelo, motho yoo o tla tshwanela ke go tlhagelela kwa kgotlatshekelo, mo bopaki jo bo tswang mo ditlhopheng tse pedi tse, le dipaki tsa bona, bo tla reediwang teng.
Fa kgotlatshekelo e ka fitlhela e le gore motho yo ka tota o tshwanetse go duela tlamelo, e tla ntsha taelo ya tuelo ya madi a a tshwanetseng go duelwa. Kgotlatshekelo gape e tla bona gore tuelo ya tlamelo e, e tla duelwa leng le gona jang.
Kwa dikantorong tsa mmagiseterata wa selegae kgotsa mo kantorong nngwe le nngwe ya puso e e tlhaoletsweng tiro.
Ka mo akhaontong ya banka e e tlhaoletsweng ke motho yo o amegang.
E neelwe motho yo o tshwanetseng go amogela madi ao ka tlhamalalo.
Ka tsela ya taelo e e laelang mothapi wa motho yo o tshwanetseng go duela tlamelo ka go goga madi a tuelo ya tlamelo ka tlhamalalo go tswa mo lotsenong lwa mothapiwa, go ya ka Molao wa Tlamelo wa 1998 o montšhwa.
O tla tshwarwa ka go lekana, ka botho le ka tlotlo.
Dingongorego di tla tlhokomelwa ka bonako jo bo kgonagalang le ka nononfo.
Ga go na nako e e beilweng ya tirelo e. Tsamaiso yotlhe go simolola ka nako e o tsenyang kopo go ya nako e o amogelang tuelo ya ntlha ya tlamelo, go ka tsaya dibeke di le mmalwanyana, go ikaegile ka tirisanommogo ya batho ba ba babedi ba ba amegang.
Dipaki tse di neng di le teng mo ditsamaisong/dipuisanong, go akarediwa le motho yo o kopang tlamelo, ba tshwanelwa ke go amogela ketleetsonyana ya madi le a go palama. Le fa go ntse jalo, kgotlatshekelo e tla ikakanyetsa pele gore e bona go tshwanela gore motho yo go kopiwang tlamelo mo go ena, a ka fiwa ketleetso eo..
Motho yo o kopang tuelo ya tlamelo, ke ena a tshwanetseng go dira kopa ya tuelo ya dipaki kwa go motlhankedi wa tlamelo.
Tirelo e ga e duelelwe.
Form C1: Subpoena in terms of Section of the Maintenance Act, 1998 Act No.
<fn>GOV-ZA. Applicationfornaturalisation2.2010-03-25.tn.txt</fn>
Motho mongwe le mongwe yo o nang le phemiti ya leruri ya Aforika borwa a ka kgona go dira kopo ya boagi jwa Aforika borwa ka go tshabafadiwa morago ga dingwaga di le tlhano e ntse e le moagi wa leruri.
Motho mongwe le mongwe yo o nyetseng moagi wa Aforika borwa a ka kgona go tshabafadiwa dingwaga di le pedi morago ga go abelwa phemiti ya leruri ya go nna mo Aforika borwa e a e fiwang ka nako e a nyalwang ka yona.
Ngwana yo o ka fa tlase ga dingwaga di le 21 yo o nang le phemiti ya leruri ya boagi a ka kgona go tshabafadiwa fa a se na go fiwa phemiti.
Tlatsa diforomo BI-63 and BI-757 kwa ofising nngwe le nngwe ya Merero ya Selegae. O ka dira kopo ya gago kwa embasing ya Aforika borwa kgotsa kwa ntlong ya borongwa fa o dira kopo kwa dinageng tsa baditshaba.
O tshwanetse go tlisa phemiti ya boagi ya leruri kgotsa phemiti ya thebolo.
Tlatsa foromo ya SAP e e nang le sete e e feleletseng ya dikgatiso ya menwana gore o kgone go fiwa setefikeiti sa kgololo sa maphodisa.
Isa foromo e e tladitsweng ya BI-9 ka sete e e feleletseng ya dikgatiso tsa menwana le ditshwantsho di le pedi tsa boitshupo fa dingwaga tsa gago di le godimo ga di le 15. Se se dirwa gore o kgone go fiwa lekwaloitshupo morago ga go tshabafadiwa.
Motsadi yo o rweleng maikarabelo a ngwana a ka dira kopo mo boemong jwa ngwana yo o sa leng monnye nako nngwe, fa fela ngwana a nna mo Aforika borwa sa leruri le ka molao.
Bakopi ba dikopo tsa bona di rebotsweng, ba tla kopiwa go saena Kgoeletso ya Boikanyego mme ba ka abelwa setefikeiti sa tshabafatso se se nang le nomoro ya R.
Tokomane ya boitshupo e tla abiwa mme ya neelwa mokopi.
Bakopi ba dikopo tsa bona di sa atlegang ba tla itsisiwe.
Dikopo di ka tsaya dikgwedi di le 2 go ya go di le 4.
Tirelo ga e duelelwe.
Ela tlhoko: Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. Ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.
<fn>GOV-ZA. Applicationforpermanentresidenceextraordinaryskill.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tirelo e ke ya motho yo o nang le bokgoni kgotsa makwalothuto a a feteletseng. Dikopo di ka romelwa go kantoro efe kapa efe ya Merero ya Selegae kgotsa Embasi/botseta ba Aforika Borwa kgotsa Boromiwa fa o dira kopo kwa moseja wa mawatle. Tsholofetso ya go neelwa tiro mo nageng ga e tlhokege.
Tlatsa dikopoforomo BI-947 le BI-29. Go bontsha gore o na le bokgoni kgotsa makwalothuto a a feteletseng go Lefapha, o kopiwa go romela lekwalo go tswa go puso ya boditšhaba kgotsa puso ya Aforika Borwa kgotsa setheo sa thuto, mokgatlho wa setso kgotsa wa kgwebo o o itsegeng wa Aforika Borwa, se tiisa bokgoni kgotsa makwalothuto a a feteletseng.
Romela boipolelo le bosupi bofe kapa bofe ka bokgoni kgotsa makwalothuto a a feteletseng.
Go go kgontsha go matlafatsa kopo, o ka romela makwalotshupo go tswa go bathapi ba pele.
Ga go paka e e tsepameng e e tlhalosang nako ya tirelo.
<fn>GOV-ZA. Applicationforpermanentresidencepermitrefugees.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tirelo e ke ya motho yo o kaiwang e le mokopatshireletso mo Aforika Borwa. Dikopo di ka dirwa kwa kantorong tsa Merero ya Selegae mo porofenseng e o nnang mo go yona. O tshwanetse go bo o na le maemo a mokopatshireletso a dingwaga di le tlhano gore o dire kopo.
Bona setefikeiti go tswa go Komiti e e emetseng Merero ya bokopatshireletso se se tlhalosang gore go na le kgonagalo ya go nna mokopatshireletso go ya go ile.
tlatsa diforomokopo BI-947 le BI-29E.
Ga go paka e e tsepameng ya tirelo e.
<fn>GOV-ZA. Applicationforpermitownbusiness.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tumelelo ya kgwebo ke tumelelo e e neelwang moditšhaba yo o ikaelang go beeletsa kgwebo mo Aforika Borwa kgotsa yo o setseng a na le tumelelo ya go dira kgwebo mo nageng kgotsa yo o ikaeletseng go beeletsa mo kgwebong e setseng e le teng mo nageng.
Dikopo di ka romelwa go kantoro efe kapa efe ya Merero ya Selegae kgotsa Embasi/botseta ba Aforika Borwa kgotsa Boromiwang fa o dira kopo kwa moseja wa mawatle.
Tlatsa diforomokopo B1-947 le B1-29.
Ramatlotlo yo o go emetseng o tshwanetse go romela setefikeiti se se tlhalosang kabelo ya tšhelete ya boleng jwa kgwebo e beeleditsweng.
Fa fela seemo sa bonno se bonwe, o tla tshanelwa ke go ntšhafatsa setefikeiti se se netefaditsweng ke ramatlotlo dingwaga tse pedi morago ga letlha la thebolo ya tumelelo ya bonno ya leruri le gape mo dingwgeng tse tharo morago ga foo. Go retelelwa ke go ikamanya le maemo a, go tla tlhola gore tumelelo ya bonno ya leruri e felelwe ke tiriso.
Ga go na sepe.
<fn>GOV-ZA. Applicationforrecognitionofavarietylisting.2010-03-25.tn.txt</fn>
Pele o bua ka dire tsa methalethale tsa mefuta ya dijalo tse di goeleditsweng go ya ka molao wa Plant Improvement Act, 1976 tse di ka rekisiwang mo Aforika borwa, makala a mefuta e a tshwanetse go akarediwa mo lenaneng la methalethale.
Lefapha la Temothuo le tlhokomela lenane la mefuta e e botlhokwa ya dijalo tsa temothuo, merogo le maugo. Kgoeletso ya dijalo go ikaegilwe ka Molao le go akarediwa mo lenaneng la mefuta ya dijalo e dirwa fa go ka kopiwa. Ntlha ya botlhokwa ke botlhokwa ba mofuta wa sejalo mo ekonoming ya Aforika borwa.
Motho mongwe le mongwe kgotsa setheo sengwe le sengwe se ka dira kopo ya go fiwa tetla ya go reka dijalo tsa methalethale. Go nna le mefuta e e farologaneng ya dijalo go naya motho sebaka sa go tsena mo lenaneng fa e kgotsofatsa ditlhokego tsa DUS le fa methalethale ya dijalo e na le makala a a amogelesegang.
foromo ya kopo e e tladitsweng lenanepotso la setegeniki lekwalokopo le le beilweng le dituelo tsa tlhatlhobo sata ya sere se se gasagasiwang lekwalo la thebolo go tswa kwa go mong, fa o sa ijalela sona, se se tlhophilweng kgotsa se se godisitsweng mo go tsa methalethale.
O tshwanetse go supa mo lenanepotsong la setegeniki gore o batla sejalo se tshwantshangwe le sejalo sefe se se itsiweng mo Aforika borwa, sejalo se sentshwa se tshwantshanngwe gore go tle go bonwe dipharologano.
Go na le matlha a a beilweng a mo go ona ditokomane le sere se se gasagaswang di tshwanetseng go isiwa kwa go Mokwadise. Matlha a, e leng a sere se se gasagaswang se se tshwanetseng go isiwa kwa go Mokwadise, le kwa se tshwanetseng go isiwa gona, di ka bonwa go tswa go Mokwadise fa di ka kopiwa.
Fa go batlega tshireletso go ya ka ditshwanelo tsa molemi wa dimela, bakopi ba eletswa go tlisa makwalokopo segongwe go boloka madi le nako.
Tiro e ka tsaya setlha sotlhe sa temo.
<fn>GOV-ZA. Applicationforregistrationasamanufacturerunderagoa.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tirelo e, e neelana ka tshedimosetso ka fa go ikwadisetswang jaaka bodirelo ka fa tlase ga AGOA e e leng ya Molao wa Kgolo ya Aforika le Ditšhono wa Dinaga tse di Kopaneng tsa Amerika le Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho . Molao o neelana ka thotloetso e e bonalang go dinaga tsa Aforika go tswelela mo maitekong a go bula diekonomi tsa tsona le go aga mebaraka e e gololosegileng.
Kopololela foromo ya kopo kgotsa e tsaye mo kantorong e e gaufi le wena ya SARS.
Foromokopo e tshwanetse go tlatsiwa ke mokopi e seng jalo kopo e ka se amogelwe.
Tsweetswee, sekaseka kaelo ya kopo go thusa go tswelela ka tsamaiso go neela laesense.
leina le kgwebo e le dirisang go gweba bodirelo jwa kgwebo leina la mmila le nomoro ya kgwebo torotswana e kgwebo e leng mo go yona teropo kgotsa teropokgolo fa kgwebo e fitlhelwang; le khoutu ya mmila wa terotswana fa kgwebo e e fitlhelwang.
Karolo ya Thata ya go dira kopo e tshwanetse go tlatsiwa ke mo mong wa kgwebo, mokaedi, bagwebisani, tokololo, therasete kgotsa motho yo o okameng kgwebo fa o dira kopo ya boikwadiso ba makgetho a melelwane e e rileng ya bodirelo go AGOA.
Leina la mokopi kgotsa leina la boikwadiso lotlhe le tshwanetse go tlhagelela mo karolong e, e seng leina la kgwebo mo go tlhagelelang naletsana (), ralatsa/tlosa sengwe le sengwe se se ttlhokegeng, fa go kgonega.
tlhakaina le Sefane sa motho yo o dirang kopo ya go nna le laesense boemo ba motho yo o dirang kopo sekao Mokaedi, Molaodi, Mong motho yo o dirang kopo o tshwanetse go saena letlha le e saenweng ka lona lefelo fa kopo e saenweng mo go lona.
Tlatsa foromokopo mme o e romele kwa kantorong e efa gaufi le wena ya Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho le Melelwane.
setefekeiti sa boikwadiso sa kgwebo jaaka se rebotswe ke mokwadisi wa Ditlamo le Mong wa Tshekokgolo fa e le ya therasete tshwetso kgotsa kamego kgotsa thata nngwe fa go le matshwanedi tetla ya Lefapha la Kgwebo le Madirelo fa go le matshwanedi laeno fa o kopa ka fa tlase ga ntlhana ya phokoletso 607.04.10, 607.04.10, 607.04.10 le 607.04.
bukana ya boitshupo/pasa fa o le moagi wa Aforika Borwa.
Setlamo - bakaedi botlhe, go tsenyeletsa molaodi mokaedi le mokaedi wa matlotlo.
Ga go nako e e tsepameng e e beilweng.
Tirelo ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. ApplicationforregistrationofGroup2fertilizer.2010-03-25.tn.txt</fn>
Menontsha yotlhe e e rekwang kwa mafatsheng a kwa ntle mme e tliswa mo Aforika Borwa, le e e dirwang le go rekisiwa mo Aforika Borwa e tshwanetse go kwadisiwa go ya ka Molao wa Ikwadiso wa 36 wa 1947. Mokopi o tshwanetse ya bo e le moagi wa semmuso wa Aforika Borwa; sekao Moremi Molapisi Moagi T/A Diepsloot Stud.
Dikhamphane tse di tswang moše wa mawatle ga di a letlelelwa go dira kopo ya go ikwadisa mo Aforika Borwa.
Dikhamphane tsa fa gae, baagi ba naga ya Aforika Borwa kgotsa Setheo sa semolao mo Aforika borwa ke tsona fela di letleletsweng go dira kopo ya go ikwadisetsa menontsha.
motswako wa monontsha o o dirwang ga o a tshwanela go farologana le monontsha o o kwadisitsweng dintlha le mafoko a a kwadilweng mo lebotlolong kgotsa mo thekgwaneng e e tshotseng monontsha ga di a tshwanela go fetolwa kwa ntle ga go fiwa tetla ya go dira jalo ke Mokwadise melao e e beilweng ka nako ya ikwadiso e tshwanetse go obamelwa ikwadiso ga e a tshwanela go sutisediwa go khamphane kgotsa motho mongwe.
Dilekanyo tsa mabotlolo kgotsa dikgetse tse menontsha e tsengwang mo go tsona ga di a tshwanela go fetolwa kwa ntle ga go bona tetla mo go Mokwadise.
Kopo ya go kwadisa dijo tsa diphologolo le menontsha e tshwanetse go nna le lekwalo le le tswang go motho yo o ikwadisitseng kgotsa moemedi wa gagwe.
leina la kumo nomoro ya kwadiso fa e le gore kumo e ne e setse e kwadisitswe lebaka la go kwadisa kumo fa e le gore ke kopo e ntšhwa, kopo e e tlhabolotsweng kgotsa kopo ya go dirisa leina la khamphane e nngwe le fa e ka nna letshwao la yona fa mokopi a filwe tetla, go tla tlhokega lekwalo la tumelelo go tswa go motho yo o ikwadisitseng madi a kopo a a lekaneng ditšheke tse di sa romelweng mmogo le dikopo di tshwanetse go direlwa lekwalo le le tlhalosang tsebe ya go kwalela dikakanyo.
O tshwanetse go romela diforomo tsa kopo tse dintšhwa ga mmogo le diforomo tse di tlhabolotsweng tsa ikwadiso go akaretsa le tse di fetotsweng kwa kantorong ya ikwadiso di le pedi tse di tshwanang. Tlatsa diforomo ka botlalo kwa ntle ga go bua ka dikopo tse o kileng wa di dira le dinomoro tsa ditsebe kgotsa dikumo dingwe Foromo e nngwe e ka nne ya nna khopi.
Go tshwanetse go nna le motho yo o tlhophilweng go ya ka molao yo Mokwadise a tla ikgolaganyang le ena malebana le merero ya khamphane, mme motho yo ke ena yo o tla saenang diforomo tsa kopo.
Leina le nomoro ya ikwadiso ya kumo di tshwanetse go dirisiwa jaaka di tlhagelela mo setefikeiting sa ikwadiso. Fa go ka nna le phetogo ya leina, le fa e le e nnye jang, kumo ya mothale o, e tla tsewa e le kumo e e fetotsweng.
Romela diforomo tsa kopo kwa kantorong ya botsamaise. O tla bo o senya nako fa o ka romela dikopo tsa gago le baeletsi ba setegeniki.
romela dikhopi di le pedi tse di tshwanang dkhopi di tshwanetse go nna ka puo ya Seesimane kgotsa ya Seaforikanse. Ga go tlhokege gore matshwao a kwalwe ka dipuo tse ka bobedi dkhopi di tshwanetse go bonagala sentle; ka mokwalo o o tlhapileng ose ke wa naya matshwao a kgalemo ga mmogo le matshwao a tlhokomelo ya dinomoro dntlha tsotlhe mo letshwaong di tshwanetse go nyalana sentle le dintlha tse di mo foromong ya kopo.
Romela kopo ya gago ga mmogo le tuelo go Molao wa Ikwadiso wa 36 wa 1947.
Ikwadiso ya monontsha e ka tsaya lebaka la dikgwedi di le tharo go ya go di le nne.
<fn>GOV-ZA. Applicationforregistrationofanexporter.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tirelo e e neelana ka tshedimosetso ka fa go ikwadisiwang jaaka moromelateng le Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho.
Foromokopo e tshwanetse go tladiwa ke mokopi e seng motho wa boraro.
Tsweetswee, leba kaelo ya kopo go go thusa mo tswamaisong ya go go neela laesense.
Karolo A ya Mefuta ya Modirelwa leba ka mo Lebokosong la tshekatsheko la Moromelateng, ka fa tlase ga boikwadiso.
Ke mang o tsayang maikarabelo a go bopa le go romela ditokomane go Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho a o tla bopa kana wa romela ditokomane kgotsa moemedi o tla thapiwa go dira se bua gore o tla romela dithoto go Dinaga tse di Kopaneng tsa Amerika ka fa tlase ga tumalano ya AGOA.
Karolo ya Thata ya go dira kopo e tshwanetse go tladiwa ke motho yo o dirang kopo ya boikwadiso jaaka moromelateng kgotsa moromelateng wa AGOA.
Leina la mokopi kgotsa leina la boikwadiso, sekwadisiwa mme e seng leina la kgwebo, le tshwaetse go tlhagelela mo lephateng le.
Mo naletsaneng () e etlhagelelang, tlosa sengwe le sengwe fa go tlhokegang.
ditlhakaina le sefane sa motho yo o dirang kopo ya go nna le laesense maemo motho yo o dirang kopo sekao. Mokaedi, Molaodi le Mong motho yo o dirang kopo o tshwanetse go saena foromokopo letlha le kopo e tshwanetseng go saenwa ka lona lefelo le kopo e tshwanetseng go saenwa teng.
Tlatsa foromo mme o e romele mo kantorong e e gaufi ya Madirelo a Aforika Borwa ya Makgetho le Ditirelo tsa Melelwane.
setefikeiti sa boikwadiso sa kgwebo jaaka se rebotswe ke Mokwadisi wa Ditlamo kgotsa Molaodi wa Kgotlatshekelo fa e le Therasete tshweetso/Kamego kgotsa thata nngwe e ka nnang teng lefapaha la Dikgwebo le Madirelo le a letlelela fa go tlhokega fomula e e dirisiwang fa o dira kopo ka fa tlase ga dintlhana tsa phokoletso 607.04.10, 607.04.10, 607.04.10 le 607.04.
motho ka mong bangkanna ba Kgwebo e e Kopetsweng le Therasete - Ditokololo tsotlhe/Bangkaena/Diateresete setlamo - Bakaedi botlhe, go tsenyeletsa le Molaodi Mokaedi le Mokaedi wa Matlotlo.
Ga go nako e e beilweng ya tirelo.
Tirelo e ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Applicationforregistrationofanimporter.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tirelo e neelana ka tshedimosetso ka fa go ikwadisetswang go nna moromelateng le Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho.
Foromo ya kopo e e tshwanetseng go tladiwa ke mokopi mme e seng motho wa boraro, fa go se jalo kopo ga e na e amogelwa.
O kopiwa go dirisa kaelo ya kopo go go thusa go dira laesense.
sekaseka lebokoso la netefatso la moromelateng ka fa tlase ga karolo ya ikwadiso.
leina la kgwebo leina le nomoro ya mmila wa kgwebo leina le nomoro ya lebato le moago mo kgwebo e e fitlhelwang mo lona lefelo le fa go gwebelwang teng teropo fa go gwebelwang teng khoutu ya mmila wa lefelo le kgwebo e e fitlhelwang mo go lona ke mang yo nang rwalang maikarabelo a go tlhamiwa le go romela ditlankana tse di yang kwa go Madirelo a Aforika Borwa ; le kgotsa o tla tlhama le go romela ditlankana kgotsa moemedi o tla thapiwa go dira se.
Karolo ya Dithata tsa go dira kopo e tshwanetse go tlatsiwa ke motho yo o dirang kopo ya boikwadiso jaaka moromelateng.
Leina la mokopi kgotsa boikwadiso jwa thoto, e seng leina la kgwebo, le tshwanetse go tlhalosiwa fa.
fa go tlhagelelang naletsana (), ralatsa/tlosa dintlha tse di sa tlhokegeng ka fa go kgonagalang.
Mo karolong ya boitlamo, dilo tse di latelang di tlhomame ka tatelano tlhakaina le sefane sa motho yo o dirang kopo ya tetla seemo sa motho yo o kopang, sekao mokaedi, molaodi, mong motho yo o dirang kopo o tshwanetse ke saena foromo ya kopo lefelo le foromo e saenelwang mo go lona lefelo le kopo e saenetsweng mo go lona.
Tlatsa foromo ya kopo mme o e romele go Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho le Ditirelo tsa Melelwane.
kwadiso ya disetefikeiti tsa kgwebo tse di ntshitsweng ke mokwadisi wa ditlamo kgotsa mookamedi wa Kgotlatshekelokgolo mo go fitlhelwang e le therasete tshwetso kgotsa tetla kgotsa thata nngwe jaaka go tlhokega lefapha la Dikgwebo le Madirelo le amogela fa go tlhokega sekaelo fa o dira kopo ka fa tlase ga ntlhana ya phokoletso 607.04.10, 60704.10, 607.04.10 le 607.04.
Setlamo - baokamedi botlhe, go tseneletsa le molaodi mookamedi le mookamedi wa matlotlo.
SARS tsentse mo tirisong boemo jwa tirelo jo bo tla simololang mo dinyageng di le pedi . Fa o ikwadisa kgotsa o duela, SARS e ikaelela go tsamaisa ikwadiso ya gago ka nepagalo mo malatsing a 21 a go dira.
Tirelo ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Applicationforregistrationofarebate.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tirelo e e neelana ka tshedimosetso ya go ikwadisetsa phokoletso le Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho. Phokoletso e, ke phokotso ya lekgetho la diromelateng le le duelwang fa dithoto di romelwa.
Mo karolong ya mofuta wa modirelwa lebelela Mo lebokosong la phokoletso mo karolong ya boikwadiso.
leina la kgwebo ya gago leina la mmila wa lebenkele la phokoletso le nomoro leina la lebato le nomoro ya kago fao kgwebo ee diragadiwang teng lefelo la bodirelo le kgwebo e fitlhelwang mo go yona teropo e kgwebo e fitlhelwang mo go yona khoutu ya mmila wa bonno fa kgwebo e fitlhelwang mo go ona.
hata ya karolo ya go dira kopo e tshwanetse go tladiwa ke mokopi fa go dirwa kopo ya boikwadiso jaaka modirisi wa phokoletso.
Leina la mokopi kgotsa la boikwadiso jwa bojotlhe e seng go tlhagisa leina la kgwebo mo lephateng le.
mo go tlhagelelang naletsana () tlosa sengwe le sengwe fa go tlhokegang.
tlhaloso ya dithoto tse di tla bolokwang ka fa lebenkeleng la phokoletso.
ditlhogo/Dilwana tsa kelotefo ya dithoto tse di romelwang di tla bolokwa ka fa lebenkeleng la phokoletso.
dintlha tsa phokoletso tse di ka fa tlase ga mametlelelo ya dinomoro 3, 4, 5 le 6.
tlhaloso ya dikuno tsa dithoto tse di romelwang/dimeteriale.
ditlhakaina le sefane sa motho yo o dirang kopo ya go nna le laesense maemo motho yo o dirang kopo, sekao: Mokaedi, Molaodi le Mong motho yo o dirang kopo o tshwanetse go saena foromokopo letlha le kopo e tshwanetseng go saenwa ka lona lefelo le kopo e tshwanetseng go saenwa kwa teng.
Modirakopo o tshwanetse go romela foromo e e tladitsweng kwa kantorong e e gaufi ya Madirelo a Aforika Borwa ya Makgaetho le Ditirelo tsa Melelwane.
setefikeiti sa boikwadiso sa kgwebo jaaka se rebotswe ke Mokwadisi wa Ditlamo kgotsa Molaodi wa Kgotlatshekelo fa e le Therasete tshweetso/Kamego kgotsa thata nngwe e e ka nnang teng lefapha la Dikgwebo le Madirelo le a letlelela fa go tlhokega fomula fa o dira kopo ka fa tlase ga dintlhana tsa phokoletso 607.04.10, 607.04.10, 607.04.10 le 607.04.
motho ka mong bangkanna ba Kgwebo e e Kopetsweng le Teresete - Ditokololo tsotlhe/Bangkaena/Diteresete setlamo - Bakaedi botlhe, go tsenyeletsa le Molaodi Mokaedi le Mokaedi wa Matlotlo.
Tšhatara/Leano la Tirelo la SARS le neelana ka boemo ba ditirelo jo bo diragatswang ka 2007.
Tirelo ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. ApplicationforrenunciationofSAcitizenship.2010-03-25.tn.txt</fn>
MaAforika Borwa a a ikaelelang go dira kopo ya boagi ba naga e nngwe e e sa dumeleleng go nna le boagi ba dinaga tse pedi, ba tshwanetse go dira kopo ya go tlogela boagi ba Aforika Borwa. Se se raya gore o tla fedisa boagi ba Aforika Borwa ka nako ya fa kopo e rebolwa. Babotlana le bona, boagi ba bona ba Aforika Borwa bo tla fela, fa fela yo mongwe wa batsadi a nna moagi wa Aforika Borwa.
Tlatsa diforomokopo BI-246, BI-529 le BI-9 go nngwe le nngwe ya dikantoro tsa Merero ya Selegae. Dira kopo go botseta ba Aforika Borwa kgotsa mmisheneng fa o le moseja wa mawatle.
Romela makwalobotshupo kwa kantorong ya Merero ya Selegae, Embasing/botseta kgotsa Boromiweng.
Go ntsha ditshwantsho tsa selekanyo sa lokwalobotshupo.
Tirelo e tsaya dibeke di le 8 go ya go di le 12.
Tirelo e ga e duelelwe.
Ela tlhoko: Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.
<fn>GOV-ZA. Applicationforreplacementoflostorstolenpassport.2010-03-25.tn.txt</fn>
Motho yo o nang le phaseporoto mme a e timeditse kgotsa e utswitswe a ka dira kopo ya go fiwa e nngwe e ntšhwa.
netefatsa gore o na le lekwalotshupo/pasa kgotsa setefikeiti sa matsalo fa o dira kopo tlatsa foromo ya kopo BI-73 mme o e ise ka sebele kwa Lefapheng la Merero ya Selegae. O ka isa foromo kwa embasing ya Aforika Borwa kgotsa kwa ntlong ya borongwa fa o le kwa nageng disele o tshwanetse go gatisa menwana e e tla tsengwang mo direkotong mo Rejisetareng ya baagi isa ditshwantsho tsa phaseporoto di le pedi.
tlatsa foromo ya kopo BI-73 mme o e ise ka sebele kwa Lefapheng la Merero ya Selegae. O ka isa foromo kwa embasing ya Aforika Borwa kgotsa kwa ntlong ya borongwa fa o le kwa nageng disele batsadi kgotsa batlhokomedi ba ngwana ba semolao ba tshwanetse go tlisa khopi ya ngwana ya setefikeiti sa matsalo ga mmogo le makwaloitshupo a bona isa ditshwantsho tsa phaseporoto di le pedi ga go tlhokege go gatisa menwana fa bana ba le ka fa tlase ga dingwaga di le 16.
Dikopo di ka tsaya dibeke di le 6.
<fn>GOV-ZA. ApplicationforresumptionofSAcitizenship.2010-03-25.tn.txt</fn>
Motho mongwe le mongwe yo e kileng ya bo e le moagi wa Aforika borwa ka matsalo kgotsa ka tshika, mme setse a tlogetse boagi jwa Aforika borwa kgotsa a fetoga mme go nna moditšhaba, a ka dira kopo ya go tsosolosa boagi jwa gagwe jwa Aforika borwa.
Tlatsa foromo BI-175 ga mmogo le BI-529 kwa ofising nngwe le nngwe ya Merero ya Selegae.
Tlatsa foromo B1-9 mme o ise ditshwantsho tse pedi tsa paseporoto tsa sešeng.
Isa lekwalo le le tlhomamisang gore mokopi jaanong o agile mo Aforika borwa.
Isa khopi ya tokomane ya lekwaloitshupo.
Isa khopi ya setefikeiti tsa lenyalo.
Kopo e ka tsaya dibeke di le 6 go ya go di le 8.
<fn>GOV-ZA. Applicationforstateagriculturalland.2010-03-25.tn.txt</fn>
Motho a ka hira setsha sa temothuo mo pusong go se dirisetsa temothuo ka maikaelelo a go se reka kgotsa go se se reke go ya fela ka boemo jwa setsha . Ditumalano tsa go hira ka maikaelelo a go reka di ntšhwafadiwa morago ga dingwaga di le tharo.
Lefapha la Temothuo la Bosetšhaba le gokaganya taolo ya mmu ka tshwanelo le go aba mmu wa puso o o dirisetswang temothuo o o fitlheletsweng go tswa go Boto ya Thuso-ka-ditšhelete ya Temothuo.
Fa mmu wa puso o o dirisetswang temothuo o le teng go ka hiriwa, Lefapha la Temothuo le tla dira papatso mo dikitsisong/dinothising le mo mafelong a botlhokwa a a sailang batho, jaaka dikantoro tsa magiseterata le seteišene sa maphodisa ga mmogo le mo dikuranteng.
Dira kopo mo mothong yo leina la gagwe le kwadilweng mo kitsisong.
Mookamedi mogolwane: Bonno jwa Balemirui kwa Lefapheng la Temothuo la Bosetšhaba ke ena a baakanyang khiro ya dithoto tsa FALA fa e setse e rebotswe ke Letona La Lefapha la Temothuo le Merero ya Mmu.
Madi a go hira a laolwa ke fomulara e e dirisiwang go lekanyetsa boleng jwa mmu.
<fn>GOV-ZA. ApplicationforthereissueofanID.2010-03-25.tn.txt</fn>
Lekwaloitshupo ke setlankana se se supang boikitsiso jwa motho. E neelwa baagi ba Aforika borwa kgotsa baagi ba leruri ba ba leng dingwaga di le 16 kgotsa go feta.
Batho ba ba latlhegetsweng, ba timeletswe, ba utsweditswe kgotsa senyegetswe ke lekwaloitshupo la bona.
Batho ba ba dirang kopo ya go fetola dintlha tsa bona.
Batho ba maemo a boagi jwa bona a fetogileng.
Basadi ba ba nyetsweng kgotsa ba ba batlang go dirisa sefane sa bona sa pele.
Batho ba ba nnang kwa dinageng disele nakwana mme e le gore ba ne ba na le lekwaloitshupo.
Batshabi ba ba nang le phemiti ya leruri ya boagi.
Tlatsa foromo BI-9 kwa ofising nngwe le nngwe ya Merero ya Selegae. O ka dira kopo kwa embasing kgotsa kwa ntlong ya borongwa fa o le kwa dinageng tsa matšhaba.
Isa setefikeiti sa matsalo kgotsa bukana ya boikitsiso e e abilweng pele ga Phukwi 1986.
Isa ditshwantsho tsa boitshupo di le pedi.
Gatisa menwana ya gago gore e tle e rekotiwe mo Rejisetareng ya Baagi.
Isa setefikeiti sa lenyalo fa e le gore o nyetse.
Mosadi yo o dirang kopo ya lekwaloitshupo mme a batla go dirisa sengwe sa difane tsa gagwe tsa pele o tshwanetse go tlisa bosupi jo bo mo letlang go ka dirisa sefane seo.
Motshabi yo o dirang kopo ya lekwaloitshupo o tshwanetse go mametlelela phemiti ya leruri ya boagi, phemiti e e mo nayang tetla ya go nna moagi kgotsa setefikeiti sa thebolo.
Kopo e ka tsaya dibeke di ka nna 8.
Ela tlhoko: Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.
<fn>GOV-ZA. Applicationtochangesurnamesofminors.2010-03-25.tn.txt</fn>
ngwana yo o tsetsweng ka kwa ntle ga lenyalo o kwadisitswe ka fa tlase ga sefane sa ga rre wa gagwe wa madi.
Tlatsa dikopoforomo BI-193 go nngwe le nngwe ya dikantoro tsa Merero ya Selegae. Dira kopo kwa Embasi ba botseta ba Aforika Borwa kgotsa kwa Boromiweng fa o le moseja wa mawatle.
Tlhagisa tumalano ya lekwalo le le tswang go monna yo ngwana a batlang go dirisa sefane sa gagwe.
Tumalano e a tlhokega go tswa go batsading ba babedi, gape le mabaka a lekaneng a a kwadilweng a phetogo.
Tumalano e e kwadileng ke rre wa madi kwa ntle fela fa e lebeletswe ke kgotla tshekelo e e nonofileng.
Dikopo di tsaya dikgwedi tse 4 go ya go 6.
<fn>GOV-ZA. Applicationtogetmarriedundercustomarylaw.2010-03-25.tn.txt</fn>
Lenyalo la setso le go tsenwang mo go lona ka fa tlase ga molao wa setso. Fa monna a nyalana le mosadi ka fa tlase ga molao wa selegae mme a ba a swetsa go nyalana gape le mosadi wa fetang a le mongwe gape, basadi ba bangwe ba tla amogelwa ka fa tlase ga molao wa setso.
Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, e ya go Lefapha la Merero ya Selegae.
Lenyalo le tshwanetse go buisanwa , le ketekwe mme le go tsenwe mo lona go ya ka molao wa setso.
Badiradikopo ba ba dulang kwa metsesetorong ba tshwanetse go tlhagisa pego ya maikano.
Gore lenyalo le diragale, makoko a mabedi a a nyalanang le dipaki go tswa mo losikeng longwe le longwe, ba tshwanetse go nna teng.
<fn>GOV-ZA. Applicationtogivenoticeofdeath.2010-03-25.tn.txt</fn>
Setefikeiti sa loso ke tokomane ya semmuso e e abelwang balosika la moswi fa ba mo kwadisa jaaka moswi. Fa motswantle a tlhokofalela mo Aforika borwa, rekoto ya gagwe e a faeliwa mme setefikeiti sa loso se abelwa balosika lwa gagwe. Dikopo di ka dirwa kwa ofising nngwe le nngwe ya Lefapha la Merero ya Selegae kgotsa kwa embasing ya Aforika borwa kgotsa ntlo ya borongwa fa o dira kopo o le kwa nageng esele.
Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, e ya go Lefapha la Merero ya Selegae.
Tlatsa foromo ya kopo BI-132.
Kwala lekwalo le le nang le dintlha tsotlhe ka ga moswi mme o le romele kwa ofising ya Merero ya Selegae mo tikologong ya gago.
Ga go na phitlho e e tla dirwang kwa ntle ga taelo ya phitlho. Taelo ya phitlho ke setefikeiti se se nayang motho tumelelo ya phitlho le go tsaya setopo kwa lefelong le moswi a swetseng kwa go lona go ya kwa lefelong le phitlho e yang go tshwarelwa kwa go lona.
Setefikeiti se se khutswafaditsweng : Se ntshiwa morago ga kwadiso ya loso.
Setefikeiti se se feletseng : Se ka tsaya dibeke di le 8 go ya go di le 12.
<fn>GOV-ZA. Applicationtohavedetailsofyouraddresschanged.2010-03-25.tn.txt</fn>
Baagi ba Aforika Borwa kgotsa baagi ba ba tshwereng tetla ya boagi jwa leruri mme ba rata go fetola diaterese tsa bona tsa bonno le tsa poso mo Rejisetareng ya Baagi ya Setšhaba, ba ka dira kopo kwa Kantorong ya Merero ya Selegae. Dikopo di ka dirwa gape kwa embasing ya Aforika Borwa kgotsa kwa boromiweng fa o dira kopo o le kwa moseja.
Kwala lekwalo, mme o le fekese kgotsa o le emeilele kwa kantorong ya Merero ya Selegae.
Go seng jalo, tlatsa foromo ya BI-4 mme o gokelele khopi ya pasa ya gago.
Tlhagisa pasa ya Aforika Borwa e e mo moalong ya barakhoutu kgotsa setifikeiti sa matsalo fa o dira kopo.
Kopo e ka tsaya dibeke di le 2.
Tirelo e ga e duelelwe.
Ela tlhoko: Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng, ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.
<fn>GOV-ZA. Applicationtoincreasecustomsduty.2010-03-25.tn.txt</fn>
Madi a motshelo ke madi a o a duelang fa o dira thekontle ya dithoto kwa ntle ga Aforika borwa. Motshelo o tshwanetse go duelwa go thusa di-intaseteri tse di kopaneng tsa Aforika borwa gore di kgone go phadisana le dithoto tse di tswang kwa dinageng tsa kwa ntle. Madi a motshelo a thusa go mo tokafatsong ya ekonomi e e tsweletseng ka go tokafatsa kgaisano ya dikgwebo tsa boditshabatshaba ke go dirisa ditlamelo tsotlhe ka botlalo.
Kakanyo e e rategang ke ya go tshola madi a motshelo a le kwa tlase, le go oketsa makgetho a a tlaelegileng mo dikumong tse di rileng mo mabakeng a a kgethegileng. Koketso ya motshelo e tsewa e siame fa fela e ka thusa mo tsweletsong ya intaseteri go ya ka maitlhomo a ekonomi a bosetshaba.
Tlatsa foromo ya kopo.
Isa diforomo tsa kopo kwa Yuniting ya Ditshekatsheko tsa Madi a Motshelo.
Kopo e tsaya dikgwedi di le nne go ya go di le lesomepedi go konosediwa.
Ditshenyegelo di tla laolwa ke tsela e tirelo ya dikumo kgotsa dithoto e diragadiwang ka teng.
<fn>GOV-ZA. ApplicationtorectifyerroneousdetailsinyourID.2010-03-25.tn.txt</fn>
Baagi ba Aforika Borwa, ba dipasa tsa bona di nang le dintlha tse di fosagetseng, ba tshwanetse go dira kopo ya go baakanya diphoso tse, kwa kantorong ya Merero ya Selegae. Kopo e ka dirwa gape kwa Embasing Ya Aforika Borwa kgotsa Boromiweng fa o le kwa mose.
maina le difane tse di fosagetseng ditshwantsho tse di fosagetseng aterese e e fosagetseng letlha la matsalo le le fosagetseng bong jo bo fosagetseng.
Tlatsa foromo ya kopo ya B1-9 le B1-309 kwa dikantorong tsa Merero ya Selegae.
Ntsha bopapi jwa tshedimosetso e e nepagetseng , sekao, setifikeiti sa matsalo, setifikeiti sa kolobetso, lekwalo la sekolo kgotsa lekwalo la botsetse.
Neelana ka ditshwantsho tsa pasa tse pedi fa o isa kopo ya gago.
Tirelo e, e ka tsaya dibeke di le 4 go ya go 6.
Tirelo e ga e duelelwe.
Ela tlhoko: Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.
<fn>GOV-ZA. Applicationtoregisteracustomarymarriage.2010-03-25.tn.txt</fn>
Lenyalo la setso le ka kwadisiwa go ya ka Molao wa Kamogelo ya Manyalo a Setso wa 1998 . Go go re sepe gore o nyetswe ka ngwaga ofe. Mo mabakeng a fa molekane yo mongwe atlhokafetse, molekane yo o sa ntseng a tshela, o sa ntse a ka kwadisa lenyalo leo. Kwadiso e ka diriwa kwa kantorong nngwe le nngwe ya Merero ya Selegae. Go tshwanetse ga nna le dipaki tse pedi tse di nang le bokgoni.
Netefatsa maemo a gago a lenyalo mo online.
Banna le seabe mo lenyalong mmogo le dipaki, ba tshwanetse go tlhagiso ditokomane tse di mo molaong tsa boitshupo/dipasa.
Motlhankedi yo o kwadisang, o tla tlatsa diforomokopo tsa BI-1699 fa a kgotsofetse gore lenyalo la setso le teng.
Mo mabakeng a fa molekane wa monna a rata go nyla gape ka setso, o tshwanetse a ya kwa Kgotlakgolo gore a neelwe lekwalo la go laola tsamaiso ya gagwe ya dithoto tsa lenyalo.
Setifikeiti sa nakwana se se neelwang ka yona nako eo.
Setifikeiti se e seng sa nakwana. Se tsaya dibeke di le 6 go ya go di le 8.
<fn>GOV-ZA. Applicationtoregisteranoldagehome.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tirelo e ke ya batho kgotsa mekgatlo e e eletsang go kwadisa legae la batsofe.
Tlatsa foromo ya kopo kwa kantorong e e gaufi nao ya Tlhabololo ya Loago.
Tlatsa foromo go na le motlhankedi yo o tswang kwa lefapheng.
Morago ga go romela kopo ya gago o tla newa setlankana go se tshola jaaka bosupi jwa kopo ya gago.
Fa kopo ya gago e sa e sa dumelwa, o tla itsisiwe ka go kwala gore ke ka ntlha ya eng e sa atlega.
Fa o sa dumelane le tshwetso, ikuele go Tona ya Tlhabololo ya Loago kgotsa Leloko la Khuduthamaga ka go kwala, o tlhalosa gore ke ka ntlha ya eng go ganana nayo.
Ikuele mo matsatsing a le 90 a go amogela kitsiso ka ga ditlamorago tsa kopo ya gago.
Go ka tsaya dibeke tse nne go diragatsa kopo ya gago.
Modirediloago o tla laletsa bannaleseabe ba bangwe jaaka batlhankedi ba boitekanelo le motlhankedi wa pusoselegae go tlhatlhoba lefelo leo.
Bannaleseabe ba tla rulaganya pegelo ba ikaegile ka diphitlhelelo.
Dipegelo di romelwa go kantoro ya selegae ya Tlhabololo ya Loago go atlegisiwa.
Tlhwatlhwa ya kwadiso e ikaegile ka go nna teng ga ditlabelo mme e farologane go ya ka diporofense.
Tlhatlhobo ya legae gore le kwadisiwe ga e duelelwe.
Diforomo tsa kopo di ka bonwa kwa kantorong e e gaufi nao ya Tlhabololo ya Loago.
<fn>GOV-ZA. Applicationtoregisterforemployeetax.2010-03-25.tn.txt</fn>
Bathapi ba tshwanetse go goga madi a go Duela Jaaka O Amogela kgotsa lekgetho la badiri go tswa mo badiring ba ba tshwanelang ka kgwedi, beke kgotsa beke tse pedi.
Tloso e laolwa ke go dirisa ditafole tse di rebotsweng ke SARS. Lekgetho la bathapiwa le tshwanetse go kgaoganngwa magareng ga SITE le PAYE.
SITE ke mofuta wa lekgetho la bathapiwa o o diragalang fela mo moputsong otlhe go fitlha go R60 0000. SITE e tlhomamisiwa kwa bofelong jwa paka ya ngwaga wa lekgetho, mme e ka emela fela karolwana ya lekgetho la mothapiwa le le tlosiwang mo ngwageng.
Sekoloto sa lekgetho sa mothapiwa morago ga go bona karolwana ya SITE gape le lekgetho la mothapiwa la moputso le le sa akerediwang mo moputsong otlhe, e emela PAYE.
Tlatsa foromo ya kopo ya go ikwadisa e fitlhelwang mo dikantorong tsa SARS tsa makala a selegae.
Ditlamo le ditheo tse di kopanetsweng tse ga jaana di iseng di ikwadisetse lekgetho la badiri le SARS di tshwanetse dira jalo nako e sa ntse e le teng go kgona go duela lekgetho la badiri go tswa mo badiring ba ba tshwanetseng.
Ga go nako e e beilweng.
Tirelo ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Applicationtoregisterpremisesasanagriculturalcentr.2010-03-25.tn.txt</fn>
didirisiwa tse di tlhokegang di teng kwa dikagong tseo ditiro tsa botegeniki mo dikagong tse di ntseng jalo, e leng tsa go tlhokomela diphologolo tse di bolokilweng mo go tsone, le go tseya dijini mo go tsone, di bo di tlhatlhobiwa, di fetolwa, di pakiwa, di manegiwang maina le go bolokwa, di laolwa ke motho yo o dirang dilo tumalanong le melao e e beilweng dikago tsa teng le tsone ditshwanetse go dumalana le melao e mengwe e e ka nnang ya tlhomiwa.
Dikopo tse di sa tladiwang ka botlalo di tla busediwa kwa go beng ba tsone mme ga re kitla re sikara maikarabelo ape a mathata a a amanang le tsone.
dikhopi tse pedi tsa polane ya setsha sa dikago tseno le dipolane tse di feletseng tsa mabala tuelo e e kopilweng ya go dira kopo ka tšheke e e duelwang: Mokaedi-Kakaretso: Temothuo.
Tirelo eno ga e a beelwa nako epe e e rileng, e re ka go ka direga gore ka dinako tse dingwe go simololwe ka go amogelwa pele ga dipolane pele dikago di agiwa.
<fn>GOV-ZA. Applicationtoreportanoccupationaldiseasetothecompe.2010-03-25.tn.txt</fn>
Go ya ka Molao wa Tuelelo ya Dikgobalo le Malwetse a mo Tirong, 1993, bathapi ba tshwanetse go begela Letlole la Pusetso ka ga malwetse otlhe a a bakiwang ke tiro.
Bathapi ba tshwanetse go tlatsa Foromo ya Pegelo ya Mothapi ka ga Bolwetse jwa mo Tirong mo matsatsing a le 14 morago ga gore bolwetse jo bo lemogwe.
ENT e e tsamayang le Diagnostic Audiogram fa go kgonega diteko tsa tiro ya makgwafo fa bolwetse bo le mo makgwafong dipegelo ka ga letlalo fa letlalo le amegile dipegelo tsa diteko tsa madi, dipegelo tsa mathe dipegelo tsa ekeserei, jj.
Go ka tsaya matsatsi a le 60.
Tirelo e ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. ApplyforImportCertificateforLiquor.2010-03-25.tn.txt</fn>
Go tlhokega setefikeiti sa thekontle go dira thekontle ya dikumo tsa bojalwa go di tlisa mo Aforika borwa. Go tlo batlwa setefikeiti sa thekontle kgotsa khopi ya sona pele diphasela tsa bojalwa di gololwa kwa lefelo-bogorogelong.
Morenkantle o dira kopo ya setefikeiti sa thekontle gangwe fela mo nakong ya fa kumo e ntse e tsweletse go dirwa. Morago ga fa, o tla dirisa nomoro ya sona setefikeiti se sa thekontle go reka fa fela, motswako wa bojalwa, diteng tsa bona, saese ya lebotlolo le letshwao la kumo e le ise le fetolwe.
mme maikaelelo e le gore motho yo o bo rekileng o ya go nwa bojalwa jo kgotsa bo ya go nowa ke balelapa la gagwe kgotsa ditsala tsa gagwe tse di sa tlo bo duelelang.
Tlatsa foromo ya kopo.
Lekwalokopo lengwe le lengwe le tshwanetse go tla le sampole e e nang le bonnye 750ml ya kumo e go buiwang ka yona.
Fa e le thekontle e e setseng e phuthetswe kgotsa e tsentswe mo mabotlolong, romela sampole mo botlolong e e nang le letshwao le e tlileng go rekisiwa ka lona.
Isa sampole ya bojalwa jwa thekontle jo bo rekiwang ka bontsi bo le mo lebotlolong le le tlwaelegileng la 750 ml.
Isa sampole kwa ofising ya Lekala la Dikumo tsa Bojalwa kwa Stellenbosch.
Isa setefikeiti se se amogelesegang sa tshekatsheko se se abilweng ke motlhankedi wa laboratori go tswa kwa nageng e kumo e tswang kwa go yona. Fa se se seyo, Lekala la Dikumo tsa Bojalwa le tla dira ditshekatsheko tsa dikhemikale mo sampoleng.
Fa e le serekwantle se se phuthetsweng kgotsa se se mo botlolong, go tla sekasekiwa letshwao le le mo botlolong go netefatsa gore le kgotsofatsa ditlhokego tsa Liquor Products Act, 1989..
Fa bojalwa ba thekontle bo le bontsi go tla sekasekwa diteng tsa bona. Letshwao le tla sekasekwa fa o kopa tetla ya go rekisa setefikeiti.
Lekala le tshwanetse go amogela tuelo pele setefikeiti sa thekontle se abiwa.
Setefikeiti sa thekontle se tla abiwa fa diteng le letshwao, fa bojalwa ba thekontle bo setse bo le lebotlolong, le diteng, le fa bojalwa jwa thekontle bo le bontsi, le fa kumo e kgotsofatsa ditlhokego tsa Liquor Products Act, 1989 . Go tloga fa morwalo wa bojalwa o ka nne wa romelwa ntle.
Naya Lekala la Tshekatsheko ya Boleng Division Quality Audit kitsiso ya diura di ka nna 48 nako nngwe le nngwe pele morwalo wa bojalwa, o o setseng o abetswe setefikeiti sa thekontle ya bona, go goroga mo Aforika borwa.
Fa dikumo tsa bojalwa di goroga mo Aforika borwa, morekantle o tshwanetse go bona lekwalo go tswa go Lekala la Tshekatsheko ya boleng go tsaya bojalwa kwa lefelo-bogorogelong go bo isa kwa a ratang teng.
Ga go na nako e e beetsweng tirelo e.
Fa morekantle a ka naya ba Lekala la Dikumo tsa Bojalwa setefikeiti se se amogelesegang sa tshekatsheko se se ntshitsweng ke laboratori ya semmuso ya mo nageng e kumo e tswang mo go yona, morekantle a ka newa thebolo ya go se dueleDi R290.
<fn>GOV-ZA. ApplyforRegistrationofFarmFeedsandPetFood.2010-03-25.tn.txt</fn>
Menontsha yotlhe e e rekwang kwa mafatsheng a kwa ntle mme e tliswa mo Aforika Borwa, le e e dirwang le go rekisiwa mo Aforika borwa e tshwanetse go kwadisiwa go ya ka Molao wa Ikwadiso wa 36 wa 1947. Mokopi o tshwanetse ya bo e le moagi wa semmuso wa Aforika Borwa, sekao Moremi Molapisi Moagi T/A Diepsloot Stud.
Dikhamphane tse di tswang moše wa mawatle ga di a letlelelwa go dira kopo ya go ikwadisa mo Aforika Borwa.
Dikhamphane tsa fa gae, baagi ba naga ya Aforika Borwa kgotsa Setheo sa semolao mo Aforika borwa ke tsona fela di letleletsweng go dira kopo ya go ikwadisetsa menontsha.
Menontsha ga e akaretse matlhaka, moroko, bojang jo bo swabileng, letseto kgotsa lethoro lengwe le lengwe e e mo matlhakeng kgotsa monontsha o molemirui a itirelang ona.
Kopa dikaelo ka ga ditlhokego tsa kakaretso ka menontsha go tswa go: Molao wa Ikwadiso wa 36 wa 1947.
Lekwalo le le tswang go motho yo o ikwadisitseng kgotsa moemedi wa gagwe.
leina la kumo nomoro ya kwadiso fa e le gore kumo e ne e setse e kwadisitswe lebaka la go kwadisa kumo fa e le gore ke kopo e ntšhwa, kopo e e tlhabolotsweng kgotsa kopo ya go dirisa leina la khamphane e nngwe le fa e ka nna letshwao la yona fa mokopi a filwe tetla, go tla tlhokega lekwalo la tumelelo go tswa go motho yo o ikwadisitseng madi a kopo a a lekaneng ditšheke tse di sa romelweng mmogo le dikopo di tshwanetse go direlwa lekwalo le le tlhalosang. Ditšheke le di-postal order di tshwanetse go kwalelwa go Director General: Agriculture.
O tshwanetse go romela diforomo tsa kopo tse dintšhwa ga mmogo le diforomo tse di tlhabolotsweng tsa ikwadiso go akaretsa le tse di fetotsweng kwa kantorong ya ikwadiso ka ditsela tse di latelang.
Tlatsa diforomo ka botlalo kwa ntle ga go bua ka dikopo tse o kileng wa di dira le dinomoro tsa ditsebe kgotsa dikumo dingwe Foromo e nngwe e ka nne ya nna khopi.
Go tshwanetse go nna le motho yo o tlhophilweng go ya ka molao yo Mokwadise a tla ikgolaganyang le ena malebana le merero ya khamphane, mme motho yo ke ena yo o tla saenang diforomo tsa kopo.
Leina le nomoro ya ikwadiso ya kumo di tshwanetse go dirisiwa jaaka di tlhagelela mo setefikeiting sa ikwadiso. Fa go ka nna le phetogo ya leina, le fa e le e nnye jang, kumo ya mothale o, e tla tsewa e le kumo e e fetotsweng.
Romela diforomo tsa kopo kwa kantorong ya botsamaise. O tla bo o senya nako fa o ka romela dikopo tsa gago le baeletsi ba setegeniki.
romela dikhopi di le pedi tse di tshwanang dikhopi di tshwanetse go nna ka puo ya Seesimane kgotsa ya Seaforikanse. Ga go tlhokege gore matshwao a kwalwe ka dipuo tse ka bobedi dikhopi di tshwanetse go bonagala sentle, ka mokwalo o o tlhapileng o se ke wa naya matshwao a kgalemo ga mmogo le matshwao a tlhokomelo ya dinomoro dintlha tsotlhe mo letshwaong di tshwanetse go nyalana sentle le dintlha tse di mo foromong ya kopo.
Ikwadiso ya monontsha e ka tsaya lebaka la dikgwedi di le tharo go ya go di le nne.
<fn>GOV-ZA. Applyforastudypermit.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tetla ya go ithuta ke tokomane e e neelang batswantle ditshiamelo tsa go ithuta le setheo sa thuto se se golwane mo Aforika Borwa. Dira kopo ka boene kwa Embasing ya Aforika Borwa kgotsa kwa Boromiweng.
Tlatsa foromo ya BI-159.
neelana ka setifikeiti sa mapodisi se se phimolang melato yotlhe go tswa kwa dinageng tsotlhe tse mokopi a ntseng kwa go tsona sa nako e e fetang ngwaga.
Bakopi ba kopo ya bona e rebotsweng, ba neelwa visa ya go tsena makgetlho a mantsi.
Bana ba ba tlhokang tlhokomelo ba tshwanetse go neelana ka dintlha tsa MoAforika Borwa yo o tla dirang jaaka motlhokomedi wa bona. Dintlha ka ga motho yo, di tshwanetse di neelwe le lekwalo le le tiisang ntlha e, bopaki jo bo tswang kwa go batsadi ba ngwana ka bobedi jo bo netefatsang maikaelelo a ngwana a go nna, kgotsa go tswa kwa go motsadi a le mongwe yo e leng ena a le nosi yo o tlhokometseng ngwana yoo.
Dibeke di le robedi.
<fn>GOV-ZA. Applyforatreatypermit.2010-03-25.tn.txt</fn>
Phemiti ya kagisano ke lekwalo le le nayang batswantle tetla ya go tsena mo Aforika borwa go tsaya karolo mo mananeng a Aforika borwa le naga ya bona e dumelaneng ka ona.
Tlatsa foromo ya kopo ya BI - 1738 kwa embasing ya Aforika borwa ntlo ya borongwa e e leng gaufi le fa o nnang teng.
Lekwalo le le tswang kwa setlamong se se maleba sa puso se se amegang mo tumalanong le le tlhomamisang mofuta wa tumalano. Lekwalo le tla tlhomamisa tumalano e lenane le tla tsamaisiwang ka yona, botsayakarolo ba mokopi mo lenaneng le go buiwang ka lona ga mmogo le mefuta ya ditirwana tse mokopi a solofelwang go di dira go ya ka tumalano.
Setefikeiti sa kgololo go tswa kwa maphodiseng a a tswang kwa dinageng tsotlhe kwa mokopi le molekane wa gagwe ba kileng ba nna kwa go tsona go tloga ba le dingwaga di le 18 ga mmogo le bana le botlhokomelwa ba mokopi ba ba leng dingwaga di ka nna 18 kgotsa go feta ba ba tla tlang le mokopi mo Aforika Borwa.
Dipegelo/Diraporoto tsa boitekanelo le tsa radioloji. Bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 12 ga mmogo le basadi ba ba imileng ga ba tlhoke go ntsha raporoto ya radioloji.
Lekwalo le le tswang kwa mothaping, a rwala maikarabelo a ditshenyegelo tsa madi a go busetsa mokopi kwa nageng ya gaabo ga mmogo le batlhokomelwa ba gagwe fa go tlhokega. Fa e le gore mokopi o dira mo lefapheng la puso mme e bile ga a kgone go tlisa lekwalo le go buiwang ka lona, naga e e mo romelang e ka nne ya romela lekwalo la mothale o mo boemong jwa gagwe.
Makwalo a a tshotseng dintlha tsa kemo ya nyalo, afidafiti ya molekane kgotsa ya motlhokomelwa e tshwanetse go tsamaya le kopo fa e le gore mokopi o tlile go tla le molekane wa gagwe kgotsa batlhokomelwa ba gagwe.
O tshwanetse wa bo o na le setefikeiti sa go tlhabelwa letshoroma le lesetlha fa o ya kwa nageng kgotsa o ikaelela go ya kwa lefelong le le nang le letshoroma le lesetlha.
Ga go na nako e e tlhomamisitsweng.
<fn>GOV-ZA. Applyforpermanentresidencepermitrefugees.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tirelo e ke ya motho yo o kaiwang e le mokopatshireletso mo Aforika Borwa. Dikopo di ka dirwa kwa kantorong tsa Merero ya Selegae mo porofenseng e o nnang mo go yona. O tshwanetse go bo o na le maemo a mokopatshireletso a dingwaga di le tlhano gore o dire kopo.
Bona setefikeiti go tswa go Komiti e e emetseng Merero ya bokopatshireletso se se tlhalosang gore go na le kgonagalo ya go nna mokopatshireletso go ya go ile.
Romela pego ya maikano a a amanang le maina otlhe a o a dirisitseng.
Ga go paka e e tsepameng ya tirelo e.
Ela tlhoko: Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.
<fn>GOV-ZA. Applyforplantbreedersrights.2010-03-25.tn.txt</fn>
Ditshwanelo tsa temo ya dijalo di abelwa mefuta fela ya dijalo e e kgoeleditsweng go ya ka Plant Breeders' Rights Act, 1976 . Go buiwa ka mefuta e e ka nnang 290 ya dijalo mo lenaneng la dijalo le ka lona ditshwanelo tsa temo ya dijalo di ka abiwang.
Sere se se gasagasang sa mefuta ya dijalo se ise se rekisiwe mo Aforika borwa mo sebakeng se se fetang ngwaga.
Mo lebakeng la pharologano ya mefuta ya ditlhare kgotsa morara, sere se se gasagasang se ise se nne teng kwa nageng nngwe, mo kgwebong kgotsa mo bathong mo nakong ya dingwaga di le thataro, kgotsa maelana le sejalo sengwe le sengwe, nako ya dingwaga tse di fetang nne.
e tshwanetse go bonagala sentle go tswa mo mefuteng e mengwe ya losika le le lengwe e nne e e tshwanang, ke gore dijalo tsotlhe tse di jetsweng e nne tse di tshwanang di bo di nne le diponagalo tse di tshwanang e tlhomame, ke gore dimela tsa mofuta mongwe o o rileng di tshwanetse go lebega jaaka dijalo tsa motheo e tshanetse go nna le lekala le le amogelesegang.
Leba Lenane 1 ya Plant Breeders' Rights Act go netefatsa gore mofuta wa semela se se tlhokang tshireletso go dirile kgoeletso ka sona.
Fa mofuta wa sejalo o se mo lenaneng, tsenya kopo ya kgoeletso mme o kwale lekwalo le mo go lona o nayang mabaka o le lebise go: Mokwadise wa Ditshwanelo tsa Temo ya Dijalo.
foromo ya kopo e e tladitsweng ka botlalo lenanepotso la Setegeniki lekwalo kopo le le beilweng ga mmogo le tuelo ya tlhatlhobo sata kgotsa sere se se gasagasang lekwalo la thebolo go tswa kwa go mong, fa e se wena o jetseng dijalo, tlhophileng kgotsa dirileng mefuta ya dijalo.
O tshwanetse go supa ka tsela e e tlhaloganyesegang mo lenanepotsong la setegeniki gore sejalo se ka tshwantshangwa le dife mo go netefatsa dipharologano.
O ka nne wa dira kopo ya tshireletso ya nakwana ya mefuta ya dijalo. Se se raya gore mofuta wa mothale o, o sireleditswe go fitlha nako ya tshekatsheko e feta. O tshwanetse go kwala lekwalo le le tlhalosang gore ga o a ikaelela go rekisa, mofuta mongwe le mongwe wa kgasakgaso o go buiwang ka ona go fitlha diteko di weditswe mme ditshwanelo tsa temo ya dijalo di abilwe. Tshireletso ya nakwana e ka atlanegisiwa mo dimeleng tse diteko tsa tsona di tsayang nako e e fetang ngwaga.
Go na le matlha a a beilweng a ka ona ditokomane le dire tse di gasagasang di ka isiwang go Mokwadise. Matlha a, bontsi jwa dire tse di gasagasang tse di tshwanetseng go romelwa ga mmogo le ko di tshwanetseng go pagololwa gona, di ka fiwa mokopi fa a di kopa.
Fa go na le lenane la mefuta e e farologaneng ya dijalo e e dirilweng go ya ka ditshwanelo tsa temo ya dijalo, o ka tsenya kopo e segongwe go boloka madi le nako.
Tiro ya go sekaseka ditshwanelo tsa temo ya dijalo e ka tsaya setlha sotlhe sa selemo.
<fn>GOV-ZA. Applyfortaxdirectivedirectors.2010-03-25.tn.txt</fn>
Molao wa makgetho wa 1962, o neelana ka maemo a a tlhagelelang fa go dirwa kopo ya go duela lekgetho.
E nngwe ya tsona ke fa moputso wa mokaedi o o solofetsweng mo ngwageng oo, o le ka ka fa tlase ga moputso o o amogetsweng mo ngwageng o o fetileng , e bile o tlhola tuelo e fetang ya PAYE, mme seno, se ka tlhola mathata.
Fa khamphani e e ise e akanyetse moputso wa ngwaga o o latelang wa ditshekatsheko, e tshwanetse go kopa kantoro ya lekala la selegae la Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho. go itsise tlhotlhwa ya moputso e mokaedi go umakwang gore a ka bo a e amogeste.
Fa o dira kopo ya go duela lekgetho, netefatsa gore merero ya gago ya lekgetho e mo maemong a a siameng- SARS e ka se ntshe thebolo ya go duelwa lekgetho.
Moputso wa bofelo o o amogetsweng.
Ngwaga wa tshekatsheko mo moputsong o o neng wa amogelwa.
Palo ya dikgwedi tse go tladitsweng moputso wa bofelo tse di amogetsweng.
Moputso o o phopholetswang kgotsa o o amogetsweng mo ngwageng oo..
Kopo e tshwanetse go nna le mabaka a kgakololo. Tshegetsa se ka ditlankana, dikanego tsa nakwana tsa madi le metsotso ya kopano e e neng e tshwerwe ke bakaedi, e e bontshang gore moputso o o duelwang bakaedi o tla nna kwa tlase ga moputso wa ngwaga o o fetileng.
Ga go nako e e totobetseng.
Ditirelo ga di duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Applyfortaxdirectivefixedamount.2010-03-25.tn.txt</fn>
Kopo e ya tshupetso e tliswa kwa Ditirelong tsa Lekgetho tsa Aforika Borwa go kopa gore tuelo e e tlhomameng ya lekgetho e ntshiwe mo lotsenong lwa moduelalekgetho ngwaga le ngwaga.
Netefatsa gore merero ya gago ya lekgetho e mo maemong a a tshwanetseng pele o ka kopa tshupetso ya lekgetho. SARS ka se ke ya go naya tshupetso ya lekgetho fa e le gore go na le mananeo a lekgetho a a saletseng kwa morago kgotsa fa go na le dituelo tsa lekgetho tse di saletseng kwa morago.
Naya SARS tse di latelang go e thusa mo go reboleng kopo ya gago ya tshupetso ya lekgetho.
lokwalokao lwa gago le nomoro ya lekgetho ya tshupetso nomoro ya tshupetso ya bathapiwa ba gago kgotsa nomoro ya tshupetso ya batsamaise, Tulelokamogelo lenaneo le le tlhalosang ka botlalo lotseno kgotsa ditshenyegelo tsa gago. Lekala la kantoro la SARS le ka nna la kopa thebolo ya dingwe tsa ditshenyegelo pele le ka rebola kopo ya tshupetso tsela e e dirisiwang kgotsa palelo ya melato.
Fa e ka rebolwa ke SARS netefatso e tla newa mo matsatsing a se makae, fela tshupetso ya semmuso yona e ka nna go lekana dibeke di le nne.
Tsela e e bonolo ya go kopa tshupeso ya lekgetho ke ka tsela ya go kopa ka emeile . Kopo ya gago ka tsela e ya tirelo, go le gantsi e rebolwa mo diureng di le 48 fa e le gore kantoro ga e batle thebolo ya ditshenyegelo.
Go ka tsaya dibeke di le nne.
Tirelo ga e duelelwe.
Tlatsa le go romela kopo ya gago ka inthanete. Kgotsa, ntsha le go tlatsa foromo ya , IRP 3.
<fn>GOV-ZA. Applyfortaxdirectivefixedpercentage.2010-03-25.tn.txt</fn>
Taelo e romelwa fa kopo e diriwa gore seelo se se tsepameng se ntshiwe go tswa go moputso wa moduelalekgetho. Mothapi o tshwanela ke go romela kopo e, boemomg ba mothapiwa.
Ditaelo ga di fetisediwe le fa mothapiwa a fetotse maemo a tiro. Ka jalo kopo e ntšhwa e tshwanetse go dirwa. Fa o na le bathapi ba feta bongwe, kopo e nngwe ya taelo e tshwanetse go dirwa go ya ka mothapi mongwe le mongwe.
Dikhopi tsa makwalo tsa tiro, dikonteraka tsa tirelo le ditlankana tse dingwe tse di maleba di a tlhokega go netefatsa ditumalano le boemo jwa tiro.
Phesente e e tsepameng ya taelo e tla rebolelwa ka botlakgolo jwa dikgwedi di le 12 mme di tshwanetse go ntšhafatswa morago.
Netefatsa gore merero ya gago ya lekgetho e siame fa o dira taelo ya lekgetho. SARS ga e kitla e rebola taelo ya lekgetho fa o na le manane a lekgetho kgotsa dituelo tsa lekgetho tse di saletseng kwa morago.
tokomane boitshupo/pasa le nomoro ya taelo ya lekgetho nomoro ya taelo ya PAYE ya mothapi.
khopi ya konteraka ya tirelo lekwalo la go ema nokeng fa nomoro ya tokomane ya boitshupo/pasa kgotsa nomoro ya taelo ya PAYE e se teng.
Romela kopo ya gago ya phesente ya taelo e e tsepameng ka letsogo kwa lekaleng la kantoro ya SARS, jaaka mothapiwa o tshwanela ke go gokelela sesupo sa letseno le ditshenyegelo.
Fa e rebotswe ke SARS, netefatso e tla romelwa mo malatsing a a mmalwanyana. Le fa go le jalo, taelo ya semmuso ya lekgetho e ka tsaya dibeke di le nne.
Tirelo e ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Applyfortaxdirectivegratitude.2010-03-25.tn.txt</fn>
Kopo e, e romelwa kwa go Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho fa taelo ya go ntsha lekgetho e e malebana le madi a a duetsweng ke mothapiwa ka mokoma e batlega.
Netefatsa gore merero ya gago ya lekgetho e siame pele o dira kopo ya taelo ya lekgetho. SARS e ka se rebole ka tlwaelo taelo ya lekgetho fa o na le dituelo tsa manane a lekgetho kgotsa dituelo tse di saletseng kwa morago.
Neela tse di latelang go SARS go rebola kopo ya taelo ya lekgetho.
tokomane ya boitshupo/pasa le nomoro ya tshupetso nomoro ya tshupetso ya PAYE ya mothapi.
Fa Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho a a mogetse , netefatso e tla neelwa mo malatsing a a mmalwanyana, fela taelo ya lekgetho ya semmuso e ka tsaya dibeke di le nne.
Mokgwa o o bonolo wa go dira kopo ya taelo ya lekgetho ke go dira ka eFiling. Kopo ya taelo ya lekgetho ka tirelo e, e ka gale e dirwa mo diureng di le 48.
Ga go duelwe sepe.
<fn>GOV-ZA. Applytoimportgoodsintothecountry.2010-03-25.tn.txt</fn>
Di tla romelwateng ka mo RSA fa fela di le ka fa tlase ga taolo ya kgotsa go ya ka maemo a a kailweng ka mo phemiting e e filweng ke ena kgotsa ka motho yo o laetsweng ke ena.
Dikopo tsa diphemiti tsa thomeloteng ya thomelo ya dithoto, tse di leng ka fa tlase ga tekanyetso ya taelo ya taolo ya thomeloteng, e tshwanetse go kopiwa ka go dirisa foromokopo e e laoletsweng.
Maikaelelo a go neela ke go netefatsa gore dithoto tse di dirisitsweng tse di romelwangteng, ga di senye intaseteri ya Melao ya Melelwane ya Yunione ya Aforika Borwa . Neelo e gape, e godisa taolo ya boitekanelo jwa tikologo le mabaka a pabalesego le tshireletsego le kobamelo e e tlhotlhwa. Gape e godisa taolo ya maikaelelo a go obamela mabaka a tikologo.
Diforomokopo di tshwanetse go tladiwa mme tsa isiwa..
Isa diforomo go Bokaedi: Taolo ya Thomeloteng le Thomelontle, ITAC.
Go ka tsaya malatsi a le mararo go tsweletsa kopo ya gago.
<fn>GOV-ZA. ApplytoundertakeCommercialFishing.2010-03-25.tn.txt</fn>
Go gweba ka ditlhapi ke go dirisa tshwanelo ya go thaya ditlhapi. Sa ntlha tshwanelo e e tshwanetse go kopiwa le go rebolwa, go dirisa, go kotula ditlhapi kgotsa go nna le seabe mo tiragalong e e amanang le go thaya ditlhapi go di rekisa. E akaretsa gape le go nna le seabe mo ditiragalong tse di amanang le go thaya ditlhapi e se ka mabaka a go di ja. Go diragatsa tshwanelo ya gago ya go thaya ditlhapi, dira kopo ya tetla ya go thaya ditlhapi go gweba ka tsona e e rebolwang ke Tona ya Merero ya Tikologo le Bojanala kgotsa yo o neetsweng thata eo. Ditshwanelo ka botlalo kgotsa tse di lekanyeditsweng tsa di rebolwa mo makaleng a a tlhophilweng a go thaya ditlhapi ke DEA&T go ikaegilwe ke Palogotlhe e e Letlwang ya go Thaya kgotsa Maiteko e e sekasekwang ngwaga le ngwaga ke Tona ya Merero ya Tikologo le Bojanala. Ga go ope yo o ka thayang ditlhapi ka maikaelelo a go rekisa ntle le tetla.
Sa ntlha, dira kopo ya tshwanelo ya go thaya ditlhapi go gweba ka tsona pele o ka dira kopo ya tetla ya go thaya ditlhapi go gweba ka tsona. Tetla e ntšhwafadiwa ngwaga le ngwaga mme go retelelwa ke go inyalanya le dipeelano go ka tlisa gore a beelwe thoko nakwana, go phimolwa kgotsa tshwanelo e ka phimolwa.
Mo godimo ga tetla ya go thaya ditlhapi go gweba ka tsona, o tla tlhoka le tetla ya sepalangwa go tsamaisa ditlhapi.
O ka dira kopo ya tshwanelo ya go thaya ditlhapi fela fa go na le taletso eo e e ka phasaladiwang mo Kuranteng ya Puso.
Bona foromo ya kopo go tswa go Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala kgotsa lefelo la go tsaya/rebola le le beilweng ke DEA&T.
Buisa ka kelotlhoko mme o tlhaloganye le go netefatsa gore go fitlhelela ditlhoko le dipeelano tsa kopo.
Tlatsa, saena mme o romele foromo ka ditlankana tse di kannweng tse di maleba le tlhwatlhwa e e sa busiweng e e beilweng kwa lefelong le le beilweng ke lefapha kgotsa kwa kantorong e e gaufi nao ya DEA&T.
Tsamaiso ya tshekatsheko e tla simolola morago ga letlha la tswalo ya dikopo mme dipholo di tla begwa ka kgolagano ke DEA&T.
Tsamaiso ya kopo e ka tsaya kgwedi e le 1 go ya go tse 3 kgotsa go feta go lebilwe palo ya dikopo le/kgotsa go ya ka setlha sa lekala la go thaya ditlhapi.
Kopo e ka tsaya kgwedi e le 1 go ya go tse 3 go konosediwa kgotsa go feta go ikaegilwe ka bontsi jwa dikopo le/kgotsa setlha sa lekala la go thaya ditlhapi.
<fn>GOV-ZA. Apppermitoimportfishcommercialbasis.2010-03-25.tn.txt</fn>
Go tlisa ditlhapi mo nageng go gweba ka tsona go kaya go nna le seabe mo ditiragalong tse di jaaka go tlisa ditlhapi tsa metsi mo nageng go gweba ka tsona. Gotlisa ditlhapi tsa metsi mono, o tshwanetse go dira kopo ya tetla ya go tlisa mono e e rebolwang ke Tona ya Merero ya Tikologo le Bojanala kgotsa yo o neetsweng thata eo. Ga go ope yo o tshwanetseng go tlisa ditlhapi mono ntle le tetla. Dira kopo ya tetla e ntšhwa ya go tlisa mono fa e e leng teng e feletswe ke nako. Go retelelwa go dira jalo go tlisa go beelwa thoko nakwana kgotsa go phimolwa.
NB: Tetla ya go tlisa mono ga e akaretsa tlhapi ya metsi a a phepa e e tsamisiwang ke Lefapha la Temothuo. Dikopo tsa ditetla tsa ditlhapi tsa metsi a a phepa kgotsa a lwa go bothito di tshwanetse go dirwa kwa Lefapheng la Temothuo.
Ke kankarapa fela e e suleng dikgapetla ya bokete jwa 600 g kgotsa go feta nngwe le nngwe mme e sa fete ditone di le 25 e e ka tliswang mono.
Ga go kankarapa e e tshelang e e tshwanetse go tliswa mono.
Bona foromo ya go romela kopo ya gago go Kantorong ya Bolaodi jwa Mawatle le Mabopo kgotsa kantoro ya lekala ya Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala kgotsa o ka e ntsha mo go http://www.mcm-deat.gov.
aterese ya bonno ya baromelantle ba naga e di tswang kwa go yona maina a a tlwaelegileng le a saenthifiki a mefuta eo palo ya mefuta e e tlisiwang mono.
khopi e e kannweng ya ekwaloitshupo la gago le ditlankana tsa kwadiso ya setlamo, setlamo se se kopanetsweng kgotsa terasete dikhopi tse di kannweng tsa ditetla tse di dirang tsa go tlisa mono go tswa go Lefapha la Kgwebisano le Madirelo kgotsa dikitsiso tsa tetla dikhopi tse di kannweng tsa Setifikeiti sa Tshekatsheko ya Lekgetho jaaka se dumeletswe le go rebolwa ke Tirelo ya Matlole ya Aforika Borwa.
Itsise lekala le le gaufi nao la Biro ya Maemo ya Aforika Borwa ka ga themelontle ya gago fa e le gore tlhapi e o ratang go e romela ntle ga e foreše e bile e sa siamela go jewa ke batho.
Tlatsa, saena mme o posetse foromo ya kopo ya thomelontle le ditlankana tse di tlhokegang go Kantoro ya Bolaodi jwa Mawatle le Mabopo..
Dikopo tse e seng dikhopi di tshwanetse go posiwa, e seng jalo tetla ga e ne e rebolwa.
Madi a kopo a bokana ka R225 a a tlhokega.
Tiragalo ya kopo e ka tsaya matsatsi a le 7 kgotsa go feta go lebilwe tiragatso e e maleba ya kopo.
Madi a kopo a bokana ka R225 a a tlhokega. Ditlhwatlhwa di sekasekwa kgotsa go tlhongwa ngwaga le ngwaga ke Tona ya Merero ya Tikologo le Bojanala kgotsa bothati jo bo tlhophilweng, ka tirisano le Tona ya Matlotlo.
Nomoro ya Akhaonto.
Nomoro ya Referense.
<fn>GOV-ZA. Approveanimalforcollectionofsemen.2010-03-25.tn.txt</fn>
maemo a pholo ka kakaretso go tlhoka malwetse boleng jwa kwa godimo jwa moroto wa senna diponagalo dingwe tse di ka neelwang.
Bula saete mme o tlatse diforomo tsa kopo o gatisa ka ditlhakakgolo. Diforomo di ka kopiwa go Mokwadise wa Tokafatso ya Diphologolo.
Kopo e tshwanetse go dirwa ka leina la lefelo mo phologolo e tlileng go bewa mo go lona.
Kopo e tshwanetse go romelwa kwa sosaeteng sa barui se se maleba.
lokwalo lo lo anameng lo lo supang tshika ya ntlha le ya bobedi e e kanesitsweng ke Mokgatlho wa Studbook kgotsa Bothati jwa Ikwadiso setefikeiti sa DNA/ sa mofuta wa madi rekoto ya ditiro tsa phologolo madi a tuelo a a beilweng.
Dikopo di tshwanetse go kanisiwa ke ngaka ya diphologolo ya poraefete mme di kanwe ke motlhankedi wa malwetse a leruo.
Fa mokwadisi a gana go aba kopo, mokopi o tla itsisiwe ka lekwalo malebana le tshwetso ga mmogo le mabaka a e ganwang ka ona.
Fa e le gore mokwadisi o aba kopo e e atlegileng ya thebolo ya phologolo e e rileng jaaka go ntshiwa moroto wa senna mo go yona, go tla abiwa setefikeiti sa thebolo.
<fn>GOV-ZA. Appsetuplearnemp.2010-03-25.tn.txt</fn>
Lenaanekatiso ke mokgwa mongwe wa go katisa o o bayang kgatelelo mo maitemogelong a a fitlhelwang mo tiragatsong.
Lenaanekatiso le tselenyetsa thutaphaposi ya kwa katiso ya kwa borakanelong kgotsa kwa kholetšheng le katiso ya kwa tirong.
Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, e ya go Lefapha la Ditiro.
Bathapi ba tshwanetse go tsaya tshweetso ka manaanekatiso a ba neelang le a ba ka a tlhophang a tswa go Lephata la Bothati ba Thuto le Katiso.
Bathapi ba ka dira kopo ya go ka neelwa thuso go tswa go SETA morago fela fa ba ka saena tumalano ya lenaanekatiso. Fela go botlhokwa gore bathapi ba ikgolaganye le SETA ya bona pele ba saena tumalano ya lenaanekatiso go netefatsa gore SETA e na le tšhelete e lekaneng go tlamela. Ikgolaganye go utlwa gore kopo e dirwa jang.
Bona mongwe go kaela barutwana ka mathata a ba ka rakanang le ona mo mokgatlhong wa gago.
Bona mongwe go thusa morutwana ka karolo ya dithuto le mo go tlhopheng moneelakatiso. Moneelakatiso o tshwanetse go bo neetswe makwalotshupo a a neelana ka katiso ke SETA.
Bathapi ba tlhopha barutwana go tswa go badiri ba bona kgotsa ba ka tlhopha ba ba sa direng go tsenela lenaanekatiso. Fa ba batla batho ba ba sa direng go tsenela lenaanekatiso, ba ka ikgolaganya le lekala le gaufi la borakanelo go bona lenaane la batho ba ba nanang le kgatlhego. Bathapi ga ba tshwanela go neelana ka tiro go barutwana ba ba sa direng morago ga lenaanekatiso.
Bathapi, baneelakatiso le barutwana ba tshwanetse go saena tumalano ya lenaanekatiso.
Bathapi ba tshwanetse go saena konteraka le barutwana ba ba sa direng e e nyalanang le Melawana ya Bothati jwa Manaanekatiso. Ga go botlhokwa go saena dikonteraka le badiri ba ba setseng ba direla bathapi.
Go botlhokwa gore bathapi ba kwadise tumalano ya manaanekatiso a bona le SETA. Fa ba sa dire jalo, ba ka se kgone go dira dikopo tsa go kgaolelwa lekgetho go Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho . Ikgolaganye le SARS go bona dintlha ka botlalo gore o ka dira kopo ya phokoletso ya lekgetho jang.
Fa o setse o latetse dikgato tse di fa godimo, bathapi ba diragatsa lenaanekatiso.
Ga duelwe sepe.
<fn>GOV-ZA. ArchivalRetrievalSystem.2010-03-25.tn.txt</fn>
National Automated Archival Information Retrieval System , ke tsamaiso ya go busa tshedimosetso ya diakhaefe e e logaganeng e e nang le bokgoni jwa go lemoga dire tsa akhaefe go ya ka serutwa sengwe le sengwe go sa kgathalesege gore ke sa botlhe kgotsa ga se sa botlhe, gape go sa kgathalesege gore se bonwa mo lefelong lefe kgotsa ke sa mofuta ofe.
NAAIRS e thusa badirisi ba diakhaefe go lemoga le go fitlhela dire tsa akhaefe tse di leng maleba le ditlhokego tsa bona.
NAAIRS e na le tshedimosetso fela ka ga dire tsa akhaefe, e seng ditlhangwa tsa mmatota tsa tokomane eo.
Bontsi jwa diakhaefe ke direkhoto tsa botlhe tse di leng ka fa tlase ga tlhokomelo ya mo go Bewang Diakhaefe tsa Setšhaba le mo go bewang diakhaefe tsa porofense. NAAIRS e akaretsa gape le direjisitara tsa direkhoto tsa setšhaba tse di leng ka fa tlase ga tlhokomelo ya fa go bewang diakhaefe tsa poraefete tse di ka fetang 40. Le fa phitlhelelo ya mmatota ya ditokomane e sa duelelwe, batho ba duedisetswa go gatisa dire tse di tlileng go dirisiwa, e ka tswe di le mo filiming kgotsa mo pampiring. Dikgatiso le tsona di a rekisiwa.
etela fa go bewang diakhaefe kwalela fa go bewang diakhaefe fekesa kgotsa romela emeilatsa batla mo online.
Go ka tsaya malatsi a le supa a go dira go fitlhelela dire tsa akhaefe.
Go ka tsaya malatsi a le supa a go dira go fitlhelela dire tsa akhaefe.
Tirelo e ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Arrangetopayoutstandingtaxesduetosars.2010-03-25.tn.txt</fn>
Ka tlwaelo, makgetho a duelwa ka letlha le le totobaditsweng mo kitsisong ya tshekatsheko kgotsa kitsiso efe kapa efe ya tuelo e e rebotsweng ke Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho . Fa bogolo ba madi bo sa duelwa ka letlha, o tla newa maikarabelo a go duela morokotso le dikwatlhao.
Fa go ka diragala gore o retelelwe ke go duela bogolo jwa madi a o tshwanetseng go a duela ka letlha le le totobaditsweng, o ka kopa go dira dithulaganyo tsa tuelo ya bogolo jwa madi a a diegisitsweng.
Tiegiso ya dithulaganyo tse di amang bogolo jwa madi a a setseng mo akhaotong e ka tsaya boleele jwa dikgwedi di le tharo, go ikaegilwe ka mabaka a neetsweng mo kopong.
SARS e tla sekaseka kopo ya gago mme e tseye tshweetso ka ga tuelo e e diegisitsweng. Tsweetswee, o tsiboswa gore SARS e na le ditshiamelo tsa go se amogele kopo ya gago.
dikopo tsa mo mogaleng di ka dirwa kwa marakanelong a go batla thuso dikopo ka fekese di ka romelwa kwa borakanelong jwa Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho kgotsa go lekala le le gaufi la kantoro ya SARS.
Saena tumelano ya tuelo ya tiegiso pele ga thulaganyo e ka lemogiwa mo rekotong ya gago ya lekgeto.
Fa go ka diragala gore o retelelwe ke go ikanyega maleba le tuelo ya tshalelo morago ya lekgetho jaaka e tlhalositswe mo tumalanong e e saenweng le SARS, thulaganyo ya tumalano e tla fedisiwa mme go tla simololwa go sadiwa morago ka tshwanelo tsamaiso ya go tsaya bogolo jwa madi a o tshwanetseng go a duela.
Ga go nako e e tsepameng e e beilweng ya tirelo.
Tirelo e ga e duelelwe.
Ga go diforomo tse di tladiwang.
<fn>GOV-ZA.CJReview-TOR.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tshwetso e ne ya tsewa ka motsi wa Makgotla a Kabinete, ka Phukwi ka 2003 le 2004, go sekaseka Mokgwa wa Bosiamisi jwa Bosenyi wa Aforika Borwa. Tokomane e, e na le maitlhomo a a tshisintsweng, dintlha tsa tshupetso le merero e mengwe e e maleba e e amanang le tshekatsheko eo, e e dirilweng go tsamaelana le ditshwaelo tse di neng tsa diriwa ka motsi wa Lekgotla la Kabinete ka Phukwi ka 2004 le ditshwaelo tsa Moporesidente Thabo Mbeki, kwa kopanong ya JCPS ya Phatwe a le 12 ka 2004.
Go tlamela badiri ba dipholisi ka tshedimosetso e e tlhokegang go sekaseka tiro ya mokgwa wa ga jaanong wa bosiamisi jwa bosenyi wa Aforika Borwa ka motheo wa saense.
Ka ga ditshiamiso kgotsa diphetogo tse di tshwanetseng go diriwa tse di amanang le ditiro le melao ya bosupi le tsela ya bosenyi, ditiro tsa beili le tsa kotlhao le melao, tse di emetseng bagolegwa ba ba mo tshekong le go tlala ga dikgolegelo go tokafatsa nonofo le maatla a mokgwa wa bosiamisi jwa bosenyi.
Fa go tlhokega, khonferense e tshwanetse go tshwarwa go kopanya le go bona baamegi ba ba botlhokwa mo thulaganyong ya bosiamisi jwa bosenyi, go akaretsa baemedi go tswa kwa mafapheng a puso, akademia le setšhaba.
Setlhopha sa Patlisiso sa Togamaano le Taolo sa Bosiamisi jwa Bosenyi (Setlhopha sa Patlisiso).
Setlhopha sa Tshekatsheko se ya go bopa modi wa kaelo e e tswelelang ya sepolotiki ya Tshekatsheko.
Go netefatsa phasalatso ya dipholo tsa bofelo go baamegi botlhe.
Lefapha la matlotlo.
Tona ya Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo e tshwanetse go nna Monnasetulo wa Setlhopha sa Tshekatsheko.
Setlhopha sa Tshekatsheko se ya go bopa modi wa tiro ya patlisiso e e tshwanetseng go diriwa.
go ntsha ditlhagisiwa tsotlhe tse di kailweng fa godimo.
Boto ya Thuso ya Semolao; le setlhoha sa babatlisisi ba ba nang le seriti, go akaretsa le ba ba tswang kwa Khomišeneng ya Tlhabololo ya Molao ya Aforika Borwa.
Mokaedikakaretso wa Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo o tshwanetse go nna Monnasetulo wa Setlhopha sa Patlisiso.
Bokwaledi bo tshwanetse go tlhamiwa go tlamela tshegetso go Ditlhopha tsa Patlisiso le tsa Tshekatsheko. Bokwaledi bo tshwanetse go tsenngwa kwa Kantorong ya Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo.
Pegelo ya bofelo e tshwanetse go romelwa Moporesidente, ngwaga o le mongwe go simolola ka letlha la tshimololo, ka dipegelo tsa nakwana, fa e kopiwa.
Go solofelwa gore tekanyetsokabo ya bokana ka R10 m e ya go tlhokega, e e yang go tlamelwa ke Lefapha la Matlotlo.
<fn>GOV-ZA. Cancelvat.2010-03-25.tn.txt</fn>
fa boleng jwa diromelwa bo wela ka fa tlase ga tekanyo ya R300 000 ka ngwaga fa o tlogela go tswelela mo dikgwebong tsotlhe e bile o ka se tswelele go nngwe ya tse dingwe tsa dikgwebo mo dikgweding tsa morago ga letlha le le beilweng fa o dirileng kopo ya boikwadiso o solofetse go simolola kgwebo, fela o ise o simolole kgwebo eo.
Le fa o sa tlhole o ikwadisitse go duela lekgethothekiso o tla tshwanela ke go nna le maikarebelo ka fa tlase ga molao wa lekgethothekiso wa 1991, fa o sa ntse o ikwadisitse.
O tshwanetse go itsise Tirelo ya Tuelo ya Aforika Borwa ya Lekgetho mo nakong ya malatsi a le 21 go ya go tsweleletsa dikgwebo tsotlhe.
Tirelo ya Aforika Borwa ya Lekgetho e ka se fedise boikwadiso jwa bagwebi ba mo mebileng fa go na le mabaka a a utlwalang go dumelela gore o tla simolwa kgwebo efe mo dikgweding tse 12 go tloga mo letlheng la phediso.
Tsaya dintlha mo e-meileng mme o tlatse foromo ya kopo kgotsa o ye mo dikantorong tsa Tirelo ya Aforika Borwa ya Lekgetho fao go ikwadiswang go dira kopo.
E romele go dikantoro tsa Tirelo ya Aforika Borwa ya Lekgetho.
Tirelo ya Aforika Borwa e tla neela kitsiso ya motho yo o maleba le phediso ya boikwadiso kgotsa ya go kganelwa go fedisa boikwadiso.
Ga go nako e e tsepameng.
Ga go duelwe sepe.
<fn>GOV-ZA. Ccmapicketingruls.2010-03-25.tn.txt</fn>
Molao wa Dikamano wa Ditiro wa 1995, o amogela thata ya go phiketa. Mokgatlho o o ikwadisitseng wa badiri o ka dumelela ditokololo le batshegetsi ba tsona go phiketa ka maikaelelo a go bontsha tshupetso ya khutso.
Phikete e ka tshwarwa gongwe le gongwe fa setšhaba se kgonang go fitlha kwa teng, kwa ntle le kwa ntle ga tikologo ya lefelo la mothapi kgotsa ka tetla ya mothapi, ka fa gare ga tikologo ya mothapi.
Mokgatlho o o ikwadisetseng kgotsa mothapi a ka kopa Khomišene ya Poelano, Botsereganyi le go leka go iponela kutlwano magareng ga maphata a a leng mo kgotlhanong ka melao e e tshwanetseng go diragadiwa kwa phiketong e e amanang le boipelaetso kgotsa go tswalelelwa kwa ntle ke mothapi. Fa go se tumalano e e fitlhetsweng, CCMA e tshwanetse go tlhomamisa gore melawana ya go phiketa, a lebeletse maemo a a rileng a kwa tirong kgotsa a mangwe a tikologo ya kwa tirong a go phiketa le molao wa boitsholo o o dumesegileng.
Melawana ya go letla bathapi go phiketa mo lefelong la mothapi la tiro fa CCMA ikutlwa gore mothapi ga a lebelela mabaka ka go naba go kganela go phiketwa mo tirong.
Mokgatlho wa badiri o o ikwadisetsng o ka tlatsa foromo LRA 4.1. go kopa CCMA go iponela tetla ya go phiketa go ya ka melawana e laolang go phiketa ka nako ya boipelaetso kgotsa go tswalelewa kwa ntle.
Khopi ya rasiti e e saenweng fa khopi ya foromo e e supang gore e neetswe ka letsogo.
Khopi ya puo e kwadilweng go tswa go motho yo o e neetsweng.
Khopi ya fakese e tlhatsilang setlankana kgotsa botlhatsi bongwe le bongwe bo bo kgotsofatsang ba neelo.
Romela foromo e e tladitsweng le bopaki jwa gore e neetswe Mokwadisi: Kantoro ya Porofense ya Khomishene ya.
Fa go amega maphata a a fetang nngwe mo kgotlhang, kgotsa fa kgotlhang e le kgatlhanong le maphata a a fetang nngwe, kwala maina a tlaleletso le dintlha mo karolong ya pampitshana mme o a pataganye le dintlha ka botlalo mo foromong.
Se setla ikaega mo goreng go tsaya nako e kae go rerabolola kgotlang ya dingongorego.
<fn>GOV-ZA. CertificateOfAccreditation.2010-03-25.tn.txt</fn>
Boemedi jwa poraefete ke boemedi jo bo ikwadiseditseng go neelana ka ditirelo tsa go fedisa kgotlang.
Go tsereganya mo dikgotlang e e sa kgoneng go fela morago ga ditherisano.
Mokgatlho o o busang o ka batla tshedimosetso e e anameng go tshegetsa kopo mme ka ntlha ya seo ya batla gore mokpi a nne teng mo go nngwe kgotsa go feta ya dikopano tsa lekgotla le le busang.
Go bona tshedimosetso e nngwe gape, e ya go Lefapha la Ditiro.
Dira kopo go lekgotla le le busang la Khomišene ya Poelano, Botsereganyi le Ditherisano.
Pataganya khopi ya khoutu ya moemedi ya maitsholo le go tlhalosa gore goring o batla foromo ya kopo ya makwalotshupo.
Romela kopo ya foromo ya lekgotla le le busang la CCMA.
Ga go nako e e beilweng.
Tirelo ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Certificateofacceptabilityforhandlingandtransporti.2010-03-25.tn.txt</fn>
Motho mongwe le mongwe yo o eletsang go nna le mafelo a dijo kgotsa go rwala dijo o tshwanetse go nna le setifikeite sa tumelelo. Setifikeite se, se ntshiwa morago ga fa batlhatlhobi ba botsamaisi ba tsa selegae bo se na go tlhatlhoba mafelo kgotsa dijanaga.
Fa o batla go bona tshedimosetso e nngwe gape, ikgolaganye le ba Lefapha la Boitekanelo.
Neela ka mafelo a a tshwanetseng go tla go dirisediwa go tshwara dijo, kgotsa sejanaga se se yang go dirisediwa go rwala dijo.
Tshwara sejanaga sa go rwala dijo ga mmogo le mafelo a go tshwara dijo phepa ka dinako tsotlhe, go netefatsa gore dijo tse di rwadiwang kgotsa tse di tshwariwang ga di kgotlelwe ke dintsi, leswe, disaitshekang kgotsa sengwe le sengwe se se kotsi mo dijong.
Sejanaga kgotsa mafelo a dijo di tshwarwang fa go ona a tla tlhatlhobiwa ke batlhatlhobi ba botsamaisi ba tsa selegae go netefatsa gore di kgona go rwala le go tshwara dijo.
Ditirelo ga di duelelwe, fela botsamaisi jwa sa selegae bo ka nna jwa go duedisa madi a mannye.
Diforomo di ka bonwa kwa ntle le tuelo go tswa mo go Lefapha la Boitekanelo la Bosetšhaba.
<fn>GOV-ZA. Certificateofacceptabilityformilkhandlingnadtransp.2010-03-25.tn.txt</fn>
Mafelo a go gamelwang mašwi mo go ona, ke mafelo a a dirisediwang kumo ya boitekanelo le tshwaro ya mašwi. Kopo ya setifikeite sa go dumelelwa go tshwara mašwi se tshwanetse go tlisiwa ka go kwadiwa.
Tlisa kopo e e kwadilweng kwa botsamaising jwa selegae mo lefelong le go gamelwang teng kgotsa mo mafelo a go gamela a yang go tlhomiwa teng.
Sethalo se se kwadilweng mo sekaleng sa 1:100 sa dibebofatsi tsa mafelo a go gamelwang teng, se se nang le letlhakore la moakanyetso wa fa fatshe, le letlhakore le le bogelwang le karolo e e tsepameng mme e tsholetsegile.
Ipaakanyetse go neelana ka tshedimosetso e nngwe gape e e ka batlang ke botsamaisi jwa selegae.
Motlhatlhobi wa botsamaisi jwa selegae ke ena yo o tla dirang tlhatlhobo yotlhe ya mafelo a a dirisiwang. Motlhatlhobi o tla romela pegelo ya gagwe ga mmogo le dikatlanegiso kwa botsamaising jwa selegae.
Setifikeite sa tumelelo se tla ntshiwa fa e le gore pegelo ya motlhatlhobi e supa go kgotsofala.
Go a farologana go tloga mo kgaolong e nngwe go ya kwa go e nngwe.
Ditirelo ga di duelelwe.
Foromo ya kopo ya tumelelo ya setifikeite sa go nna le lefelo la go gamela. Foromo e e ka fitlhlwa kwa Lefapheng la Boitekanelo kgotsa kwa dikantorong tsa Mmasepala.
<fn>GOV-ZA. Certificatetoremoveimportedliquor.2010-03-25.tn.txt</fn>
Moromediteng o tlhoka setifikeiti sa go hudusa gore a kgone go tsaya bojalwa jo bo leng ka fa mabotlolong kwa boemakepe jo bo tseneng ka bona, gore a tle a kgone go bo rekisa ka mo Aforika Borwa. Moromedintle o tlhoka setifikeiti se nako nngwe le nngwe fa a na le thoto ya bojalwa e e ntseng jalo.
Pakolola thoto eo ya bojalwa kwa boemakepe jo bo tseneng ka bona fa o ntse o tlhokometswe ke motlhatlhobi wa go tswa kwa go Lefapha la Temo.
Neela motlhatlhobi setifikeiti sa go hudusa.
Tlatsa foromokopo e e kwa thoko e e maleba le mofuta mongwe le mongwe wa bojalwa e setshwari sa teng se tlhalosang modiro, setshwao , leina le bo rekisiwang ka lona kgotsa bogolo jwa lebotlolo gore a farologana jaang le mefuta e mengwe ya bojalwa ka mo thotong eo, e e gorogang.
Sampole e e kana ka dimililitara di le 750 e motlhatlhobi a tla e ntshang mo thotong eo ya bojalwa.
Ditifikeiti tsa botso jwa tlhago, dinyaga, modiro le modiri tse di ntshitsweng ke mokgatlho wa semmuso wa naga ya botso ya tlhago.
Ga go na nako e e beilweng ya tirelo e.
R64 le R3,20 go ya ka bonnye jo bo kana ka heketolitara kgotsa karolo ya yona.
<fn>GOV-ZA. Changegeographicalnames.2010-03-25.tn.txt</fn>
Maina a tsa thutafatshe ke maina a dipopego tse di leng mo lefatsheng a a leng a tlhago kgotsa a reeletswe ke batho kgotsa a tlwaeditswe . Dipopego tse, di ka tswe di na le batho ba ba dulang mo go tsona kgotsa go se na batho ba ba nnang mo go tsona.
Maina a tsa thutafatshe a a welang mo taolong ya puso ya selegae a akaretsa mebila, dikago tsa mmasepala le dikwere, diphaka tsa selegae le mabitla, le meago e e leng ya poraebete.
Maina a tsa thutafatshe a a welang ka fa tlase ga puso ya setšhaba a ama ditoropo, torotswanathoko, mo go agileng batho, diposokantoro, boemaditimela, boemadifofane, boemakepe le ditselakgolo, , mmogo le dipopego tsa naga tsa tlhago jaaka dithaba, metswedi, dinoka, kgogometso, dintlha, ditlhakatlhake, dinagapula, le diphaka tsa setšhaba.
Ke mang yo o ka dirang kopo ya thebolo ya leina: Mafapha otlhe a puso, dipuso tsa porofense, bathati ba selegae, Posokantoro ya Aforika Borwa , baagi ba ditsha, kgotsa setlhopha sengwe le sengwe kgotsa motho mongwe le mongwe.
Bona diforomokopo go tswa go Khansele ya Maina a tsa Thutafatshe ya Aforika Borwa kgotsa go tswa go khansele ya porofense ya maina a sa thutafatshe.
puo e leina le reilweng go tswa mo go yona tlhago le bokao jwa leina fa o itse popego ya leina le le tshisinngwang , sekao posokantoro kgotsa boemasetimela kgaolo ya Mmagiseterata mo tulo e leng mo go yona e bokgakala jo bo kanakang, mme e kwa ntlheng efe go tswa mo toropong e e fa gaufi kgotsa mmagiseterata tsenya le mmapa wa bogolo jwa A4.
Kwala leina la motho yo o tshisintseng leina le lentšhwa.
Isa foromokopo go Bathati ba Pusomorafe kgotsa Bathati ba Selegae gore ba saene kgotsa ba gatise setempe sa semmuso.
Isa foromo e e tladitsweng go Khansele ya Maina a tsa Thutafatshe ya Aforika Borwa, Lefapha la Botaki le Setso.
Go na le nako ya go leta ya dikgwedi di le nne.
<fn>GOV-ZA. Commercialbroadcastinglicence.2010-03-25.tn.txt</fn>
Laesense ya Kgwebo ya Phaposikgaso e neelwa go tirelo ya kgaso e diragatsang go bona letseno kgotsa e le karolo ya go bona letseno. Lekgotla la Kgaso la Aforika Borwa ke lona fela le neelwang laesense ya go kgaso ya bosetšhaba mo Aforika Borwa.
Motho mongwe le mongwe yo o ikaelelang go neelana ka tirelo ya kgaso o tshwanetse go nna le Laesense ya Kgwebo ya Modumo ya Kgaso.
Motho mongwe le mongwe yo o ikaelelang go neelana ka tirelo ya kgaso o tshwanetse go ikamanya le mametlelo jaaka e tlhalosiwa ke Taletso ya go dira kopo go bona Laesense ya Kgwebo ya Kgaso e e phatlalatsang ka semolao mo kaseteng ya mmuso.
Ditlhokego tsa botegeniki.
Foromokopo le mafelo a ago tikologo a a sisintsweng a bopa karolo ya Kasete ya MMuso e rebotsweng la ntlha fa taletso e e rileng ya kopo e dirwa.
Tlatsa foromokopo ka mokwalo wa tlhakakgolo.
Romela ditlankana tsa nnete le dikhopi di le 16 tsa foromokopo le tuelokopo e e sa busiweng go Lekgotla la Ditlhaeletsano le le ikemetseng la Aforika Borwa.
Dikopo tse di sa felelang di tla busediwa kwa go modirakopo mme ga go maikarabelo a ape tla a go gakanega a tla amogelwang.
Go tla tsaya dikgwedi di le thataro goya go di lesome le bobedi.
Tuelo e e sa busiweng ya R30 000.
Tuelo ya laesense ya R2 500 e tla neelwa.
Foromokopo e tla nna karolo ya Mmametlelelo ya Kasete ya Mmuso.
<fn>GOV-ZA. Communitysoundbroadcasting.2010-03-25.tn.txt</fn>
Laesense ya Kgaso ya Setšhaba e direlwa ditlhokego tsa kgaso ya setšhaba go fitlha go selekanyo se se feteng dingwaga di le nne. E a ntšhafatswa, ka fa tlase ga maemo a go dira kopo ya go ntšhafatsa laesense e seng morago ga dikgwedi tse thataro mme gape e seng ka fa tlase ga dikgwedi tse tharo pele letlha le le beilweng la go nna teng ga laesense le fela. E ntšhafatswa fela fa laesense e e kgotsofatsang maemo a a beilweng ke bothati jwa laesense. Laesense e abelwa ditšhaba tse di tlhomilweng go ya ka Karolwana 21 ya ditlamo, Therasete, boithaopo jwa mekgatlo kgotsa setlamo se sengwe le sengwe se se mo molaong mme se sa tshele ka go dira ka tšhelete.
go tsweletsa ditshwanelo tsa go tlhaeletsana le kgololosego ya tlhagiso ya maikutlo go amogela go farologana mo intasetirng ya kgaso go laletsa setšhaba go nna le seabe ka go nna matlhagatlhaga jaaka batsweletsi, balaodi le bareetsi mo ikatisong ya kgaso go nna lentswe la setšhaba go neelana ka mananeo a a tlhagisang kgatlhego e e ikgethileng le ditlhokego tsa setšhaba, tse di akaretsang setso, puo, tumelo le ditlhokego tse di supang popego ya setšhaba.
Tirelo ya kgaso ya thelebišene.
Laesense e amogelesega mo dikgweding tse nne.
Lefapha la Ditlhaeletsano le tshegetsa dilaesense tsa dingwaga di le nne le didiriswa tsa kgaso le tsweletso, fa fela ditlhokego tsa Lefapha di ka kgotsofadiwa.
Diforomo tse di sa felelang di tla busiwa go mokopi mme ga go maikarabelo a tshiamololo a a tla amogelwang.
ICASA e tla rebola taletso ya kopo ya tirelo kgaso ya modumo wa setšhaba mme e neelane ka makhubu go mafelo a a leng teng a a farologaneng.
Tlhoma setlhopha sa tiro go tsaya maikarabelo a kopo ya tsamaiso mme se nne jaaka modirakopo boemong jwa setšhaba.
go tsaya mesaeno go tswa mo setšhabeng kwala leano la kgwebo bebofatsa ditlhopho tsa temokerasi tsa ditokololo tsa Boto sekaseka lefelobonno la phaposikgaso le setsha sa phetisi.
Tlatsa foromokopo ka go dirisa mokwalo wa ditlhakakgolo.
Romela foromokopo ya nnete le dikhopi tse di netefaditsweng di le 16, le tuelokopo go ICASA.
E ka tsaya dikgwedi di le 3 go ya go di le 4.
R250 ya go rebola dilaesense morago ga gore e abiwe.
Foromokopo e tla nna karolo ya dimametlelelo tsa kasete ya mmuso.
<fn>GOV-ZA. Companysharecapital.2010-03-25.tn.txt</fn>
Ka goone go kwadisa setlamo sa kapitale e e abelanwang go le thata, go tshisinngwa gore bakopi ba dirise ditirelo tsa mmueledi.
Memorantamo le Diathikele tsa setlamo di tshwanetse go kokoanngwa mme tsa nna maleba go tshwanela setlamo gape di tshwanetse go kannwa ke raditlamano wa botlhe, yo e leng ramolao wa seporofešene. Setlamo sa botlhe se ka nna sa itseela Tafole ya A mo foromokopong ka botlalo kgotsa ba ka nna ba dira gore e tshwanele fela setlamo sa bona fa fela e obamela Molao wa Ditlamo wa 1973 . Setlamo sa poraebete se ka nna sa itseela Tafole ya B mo foromokopong ka botlalo kgotsa ba ka nna ba dira gore e tshwanelo setlamo sa bona fela, fa fela e obamela Molao wa Ditlamo wa 1973.
Dira Kopo ya go beeletsa leina ka go tsenya CM5 -Kopo ya go beeletsa leina.
Mokaedi mongwe le mongwe wa setlamo o tshwanetse go tlatsa foromo ya CM47.
Tlatsa foromo ya CM31, foromo e e neelang motho tumelelo ya go dira jaaka moruni.
Tlatsa foromo ya CM44 - Athikele ya botsalano jwa setlamo se se nang le kapitale e abelanwang mme se itseela thulaganyo ya 1, kgotsa foromo ya CM44A - Athikele ya botsalano jwa setlamo se se nang le kapitale e abelanwang mme se sa itseela thulaganyo ya 1. Bakedi botlhe ba tshwanetse go tlatsa foromo ya CM44C - Baseni ba Diathikele.
Neela mmueledi maatla a mmueledi semmuso, mo o tlhalosang gore o mo neela taolo ya go dira logatong la gago.
CM1: Setifikeiti sa kopanyo sa.
E ke tokomane e e saenwang e be e tempiwe ke Mokwadisi wa Ditlamo fa ditokomane tsotlhe tse di tlhokegang di sena go sekasekiwa le go konosetswa.
Go ka tsaya go fitlha malatsi a le matlhano go kwadisa setlamo sa kapitale e e abelanwang.
Tefo ya R350 le R5 go ya ka kapitale e le nngwe ya 1000 e e mo molaong fa go na le boleng jwa šere ka nngwe, kgotsa R5 kapitale e le nngwe ya 1000 fa go se na boleng jwa šere.
<fn>GOV-ZA. Confirmvehicledetails.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tirelo e diretswe beng ba dirori ba dintlha tsa dirori tsa bona di fetogileng. Diphetogo tse di ka akaretsa enjene kgotsa nomorotshupo ya serori . O tshwanetse go itsise Lefapha la Dipalangwa fa diphetogo tse di ntseng jalo di diragetse.
Etela kantoro e e gaufi nao ya tsa pharakano.
setifikeiti sa tumelelo go tswa go Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa kgotsa afitafiti setifikeiti sa kwadiso ya serori seo.
Kopo e e diragadiwa ka lona letsatsi leo.
Tirelo e ke ya mahala.
Ga go diforomo tse di tladiwa. Kantoro ya pharakano e tla boloka diphetogo tse dišwa tsa serori mo Mafaratlhatlheng a Bosetšhaba a Tshedimosetso ya tsa Pharakano.
<fn>GOV-ZA. Consenttoadoption.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tumelelano ke tetla e e kwadilweng e e newang batsadi ba ba batlang go kopa botsadi-ka-tsholo jwa ngwana. Tumelelano e ka newa ke batsadi ba ngwana, motlhokomedi kgotsa ke ngwana ka boena. Ngwana a ka dira tumelelano ya botsadi-ka-tsholo fa e le gore o na le dingwaga di le lesome kgotsa go feta. Le fa go ntse jalo, ditshiamelo tsa molao mongwe le mongwe, motsadi yo o fileng tumelelano ya botsadi-ka-tsholo jwa ngwana wa gagwe, o na le ditshwanelo tsa go busetsa tumelelano eo morago mo malatsing a le 60 morago ga go neelana ka tumelelano. Kgotlatshekelo ya bana e ka se ka ya dira taelo nngwe le nngwe ya botsadi-ka-tsholo pele malatsi a le 60 a fela.
Fa motsadi wa ngwana a tlhokafetse le gona go sena motlhokomedi yo o tlhophilweng wa ngwana.
Fa e le gore o gobatsa ngwana mo mmeleng, mo maikutlong kgotsa o a mo tlhakisa ka go robala le ena, o dumelela gore a tlhaselwe, o a mo sotla le go mo kubugela.
e le rraagwe ngwana yo o belegweng ka kwa ntle ga lenyalo mme ngwana yo a imilwe ka thobalano ya masika a atamelaneng thata.
e le rraagwe ngwana yo o belegweng mo lenyalong kgotsa ka kwa ntle ga lenyalo a bonwe molato ka petelelo kgotsa tlhaselo ya mmaagwe ngwana; kgotsa morago ga dipatlisiso tsa kgotlatshekelo ya bana fa e se na go utlwa dipeomolato ka mmaagwe ngwana, ka gore rraagwe ngwana a kabo a beteletse kgotsa a tlhasetse mmaagwe ngwana. Mme diphitlhelelo tse, di se ke tsa dira gore motho yo a tshwarelwe molato wa petelelo le wa tlhaselo.
wa ngwana yo o belegweng mo lenyalong kgotsa ka kwa ntle ga lenyalo a reteletse ke go tsibogela kitsiso e a e filweng jaaka e bontshiwa fa tlase mo malatsing a le 14.
Fa e le gore ke motsadi a le mongwe fela yo o fileng tumelelano mme motsadi yo mongwe ena ga a bonwe gore a ka tla a naya tumelelano kgotsa ga go kgonagale gore a ka naya tumelelano, mothati/motlhankedi o tla tsaya sekatshupo se sa tumelelano mme a fe motsadi yo mongwe kitsiso mo malatsing a le 14. Kitsiso e tla itsise motsadi yo mongwe yoo gore tumelelano e setse e neilwe, mme a mo neye tšhono ya gore le ena a neye tumelelano kgotsa a busetse morago tumelelano ya gagwe; kgotsa a neelane ka mabaka gore ke ka ntlha ya eng tumelelano ya gagwe e tshwanetse go bewa mme e se ka ya ntshiwa kgotsa a dire kopo ya botsadi-ka-tsholo ya ngwana fa e le gore ke ena rraagwe ngwana wa mannete mme ngwana o belegwe mo lenyalong kgotsa ka kwa ntle ga lenyalo.
Fa e le gore mmaagwe ngwana yo o belegweng mo lenyalong kgotsa ka kwa ntle ga lenyalo o dirile tlhabololo ya tumelelano mabapi boikwadiso jwa maina, diaterese le megala mo setifikeiting sa matsalo sa ngwana, rraagwe ngwana o tla tshwanela ke go itsisiwe. Le ena o tla tshwanela ke go dira ditlhabololo/diphetogo tse di tlhokagalang mo malatsing a le 14 morago ga kitsiso.
Fa e le gore mmaagwe ngwana ga a tlhabolola dintlha tse di botlhokwa tsa boikwadiso jwa ngwana jwa matsalo mo tumelelanong, motho yo o batlang go ikitsise jaaka rraagwe ngwana o tshwanetse go dira kopo kwa kgotlatshekelong e e tshwanetseng mabapi le tlhomamiso ya taelo e e netefatsang gore ke ena rraagwe ngwana, mme ditlhokego tsa mmaagwe ngwana tsa tumelelano ga di tlhokagale.
Kitsiso go tswa go rraagwe ngwana wa tlhago yo a belegweng mo lenyalong kgotsa ka kwa ntle ga lenyalo e tla batlega fa rraagwe ngwana a dumetse ka go kwala gore ke ena rraagwe ngwana ; mme o kgonne go tsenya maina, diaterese le megala ya gagwe mo boikwadisong jwa botsalo jwa ngwana yoo mme a netefatse gore dintlha tseo di siame ka dinako tsotlhe; kgotsa mmaagwe ngwana ka nako e a neng a naya tumelelano, o dumetse ka go kwala, gore rraagwe ngwana o dumetse gore ke ena rraagwe ; le gore o bontshitse gore ke ena mang le fa a nnang teng go a itsiwe; kgotsa modirediloago o rometse pegelo e e netefatsang gore rraagwe ngwana ke mang le gore o kwa kae go mothati/motlhankedi yo o tla tsayang bosupi jwa tumelelano ya mmaagwe ngwana, kgotsa kwa kgotlatshekelo ya bana kwa kopo ya botsadi-ka-tsholo e dirilweng teng. Pegelo e, e tshwanetse go romelwa mo malatsing a le 60 morago ga gore mmaagwe ngwana a neye tumelelano , kgotsa mo nakong nngwe le nngwe pele ga fa taelo ya botsadi-ka-tsholo e newa ke kgotlatshekelo ya bana.
Motsadi yo o neileng tumelelano ya gagwe mme a batla go senya tumelelano ya batsadi ba bangwe, o tshwanetse go itsise mothati/motlhankedi fa a netefatsa tumelelano ya gagwe.
Fa e le gore o motsadi wa ngwana kgotsa motlhokomedi wa ngwana, o tshwanetse go tlatsa Foromo ya 12, Tumelelano ka motsadi kgotsa motlhokomedi wa ngwana go netefatsa botsadi-ka-tsholo ba ngwana , mme fa e le gore o ngwana, tlatsa Foromo ya 13, Tumelelano ya ngwana ya botsadi-ka-tsholo.
Tumelelano e tshwanetse go neiwa ka go kwadiwa . Fa e le gore tumelelano e neiwa mo Aforika Borwa, motho kgotsa batho ba ba nayang tumelelano eo ba tshwanetse go saena fa pele ga mothati/motlhankedi wa katlaatlelo ya bana, yo o tla netefatsang tumelelano eo.
Tumelelano e e newang kwa ntle ga Aforika Borwa, e tshwanetse go saenwa fa pele ga motlhankedi yo o tla netefatsang mo ditirelong tsa bodipolomate mo Aforika Borwa kgotsa borongwa jwa kwa moseja jo bo dirisanang le naga e nngwe, kgotsa moatlhodi, mmagiseterata, bosiamisi jwa kagiso kgotsa motlhankedi wa botlhe wa naga e e amegang.
Le fa e le gore tumelelano e tshwanetse go nna le maina a batsadi ba ba batlang go dira kopo ya botsadi-ka-tsholo, kgotlatshekelo ya bana e ka dumela tumelelano e e diriwang ke batsadi ba ngwana kgotsa motlhokomedi wa ngwana e e se nang maina kgotsa diaterese le megala ya batsadi ba ba batlang go kopa botsadi-ka-tsholo fa e le gore go kgotsofetswe gore dikgatlhego tsa ngwana di tsewa tsia.
Tumelelano e tshwanetse go busediwa kwa morago ka lekwalo: Fa e le gore o motsadi kgotsa motlhokomedi wa ngwana, tlatsa foromo ya 12A, Pusetso morago ya tumelelano ka ga botsadi-ka-tsholo ka motsadi kgotsa motlhokomedi wa ngwana, fa pele ga mothati/motlhankedi mongwe le mongwe ka nako nngwe le nngwe mo malatsing a le 60 morago ga go fa tumelelano eo.
Itsise mothati/motlhankedi yo o netefatsang tumelelano fa e le gore go a itsege gore ke kgotlatshekelo efe fa kopo ya botsadi-ka-tsholo e yang go rerelwa teng.
Mothati/motlhankedi o tshwanetse go bona kgotlatshekelo ka bonako fa kopo ya botsadi-ka-tsholo e yang go rerelwa teng mme a itsise kgotlatshekelo le modirediloago yo o nepagetseng, yo o nayang makwalotshupo ka ga pusetso morago.
Nako ya go sekaseka kopo ya botsadi-ka-tsholo e ikaegile ka gore molato o thatafetse go le kana kang.
gore, mo lebakeng la tumelelano ka motsadi, motsadi yo o amegang a ka nna a busetsa morago Foromo ya 12A fa pele ga mothati/motlhankedi mongwe le mongwe ka nako nngwe le nngwe mo malatsing a le 60 morago ga go nnaya tumelelano eo.
Ditirelo ga di duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Consularandagencyservicesinsouthafricaandabroad.2010-03-25.tn.txt</fn>
Botsamaisi jo bo kwa Godimo jwa Ditirelo tsa Boditšhaba kwa Lefapheng la Merero ya Boditšhaba ga mmogo le Dikarolo tsa Boditšhaba tsa Kemedi ya Aforika Borwa kwa ntle ga naga di tlamela ditirelo go baagi ba Aforika Borwa ba ba dirang, nnang le go etela kwa dinageng tsa kwa ntle.
Ke ditirelo dife tse baagi ba Aforika Borwa ba ka di solofelang go tswa mo batlhankeding ba tsa Boditšhaba?
Thuso mo go rulaganyeng phalodiso ya baagi ba Aforika Borwa ba ba leng kwa dinageng disele ka nako ya dikhuduego tsa sepolotiki, matlhotlhapelo a a tlhago kgotsa a a bakilweng ke motho.
Tlhaeletsano le ba lelapa le/kgotsa ditsala mo Aforika Borwa boemong jwa baagi ba Aforika Borwa ba ba kwa dinageng disele ka nako ya maemo a tshoganyetso.
Tlamelo ka thuso e e seng ya matlole go busediwa gae le tlamelo ya tsa melemo kgotsa seporofešenale.
Kgokagano le bothati jwa selegae go batla le go fitlhelela baagi ba Aforika Borwa kwa dinageng disele, ntle le baagi ba ba batliwang ke ba ba tlhatlhetseng dikgetse mo tsamaisong ya bosiamisi.
Thuso go malapa ka go tsereganya mo phetisetsong ya matlole maloko a malapa a a mo tlalelong.
Tlamelo ka ditirelo tsa tshegetso le kgakololo mo dikgetseng tsa go dirwa batshwarakananyo kgotsa go gapiwa ka dikgoka.
Mofuta wa tiragalo le pabalesego ya batlhankedi di ka tlhotlheletsa bokgoni jwa rona jwa go tsiboga.
Golagana le malapa a batho ba ba tshwerweng kwa dinageng disele fa ba kopiwa ke motho yo o tshwerweng.
Tsamaisa phetisetso ya madi go batshwarwa ba ba kwa ntle ga naga, ka go ikobela melao le melawana ya naga e e tshwereng motho yoo ga mmogo le melao ya Banka ya Risefe ya Aforika Borwa tebang le phetisetso ya matlole kwa dinageng disele.
Tsamaisa thomelo ya makwalo le melemo go baagi ba Aforika Borwa ba ba tshwerweng kwa dinageng disele. Se se diragala fela go ya ka ditlamelo le ditlhwatlhwa tse di beilweng tsa Lefapha la Merero ya Boditšhaba le go nyalana le melao le melawana ya naga e e tshwereng motho. Ditlhwatlhwa di ka fetolwa gangwe le gape.
Tsamaisa go rebolwa ga ditlankana tsa semolao go molatofadiwa yo o kwa dinageng disele ka go latela ditsela tsa bosiamisi.
Tsamaisa kopo ya go neelwa ga motshwarwa, makwalo a go kopa tshedimosetso, go romela disamone o le kgakala le bopaki ka ga khomišene go dirisiwa ditsela tsa bosiamisi.
Kgomaretsa diapositile le ditifikeiti tsa netefatso mo ditlankaneng tsa botlhe tsa semmuso.
Tlamela ka thuso e e seng ya matlole go batswasetlhabelo ba bosenyi.
Tlamela ka kgakololo, maele le tshegetso go motsadi kgotsa motlhokomedi wa motshwarwa, ka kamano le Kantoro ya Mmueledi wa Malapa mo dikgetseng tsa go thopiwa ga bana ba Aforika Borwa ba isiwa kwa dinageng disele. Fa go na le bopaki jwa gore boitekanelo le pabalesego ya ngwana di mo kotsing, kgetse e e tsewa e le ya tshoganyetso.
Tlamela ka lenaneo la babueledi.
Thusa ka go busetsa dipaseporoto tse di timetseng, utswitsweng, senyegileng kgotsa tse di feletsweng ke nako kwa dinageng disele.
Tlamela ka kadimo ya tshoganyetso.
Itsise ba losoka ka loso, bolwetse jo bo kotsi kgotsa kgobalo ya baagi ba Aforika Borwa. Thuso e e seng ya matlole le kgakololo ka ga setopo sa Maaforika Borwa a a tlhokafaletseng kwa dinageng disele le yona e tla rebolwa.
Kopa bothati jwa selegae go batlisisa dintsho le bosenyo jo bo belaetsang kgatlhanong le baagi ba Aforika Borwa.
Tlamela ka kgakololo le maele ka ga go ikgodisetsa bana ka thuso ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago.
Tlamela ka thuso le kgakololo go kemedi ya dinaga disele ka ga baai ba dinaga tsa bona mo Aforika Borwa.
Dira ka dikopo tsa tshedimosetso kgotsa go leka go romela mmotsi kwa lefelong le le maleba.
Ke ditirelo dife tse batlhankedi ba ditirelo tsa Boditšhaba ba sa direng ka yona?
go thusa go golola go tswa kgolegelong tsenelela mo tsamaisong ya dikgotlatshekelo kwa dinageng disele neela kgakololo ya semolao tsenelela mo kgotsa go simolola tsamaiso ya kgotlatshekelo kopa bothati jwa selegae go tshola Maaforika Borwa ka mokgwa o o kwa godimo batlisisa bosenyi kgotsa dintsho go bona rekoto ya bosenyi boemong jwa gago tuelelo ya go fisiwa ga baswi, diphitlho go busediwa ga masaledi a moswi mo Aforika Borwa tsaya ngwana yo o thopilweng tsenya tirisong tumelano ya Aforika Borwa ka ga botlhokomedi kgotsa go patelatsa naga go tsaya tshwetse ka kgetse ya botlhokomedi tuelelo ya disuga tsa hotele, semolao, melemo le tse dingwe tuelelo ya ditshenyegelo tsa maeto go dira tiro e e dirwang ke batlhankedi ba tsa maeto, ditirelo tsa phofo, dibanka, jwalojwalo go bona marobalo, tiro kgotsa ditetla tsa tiro boemong jwa gago go boloka dithoto tsa gago kgotsa go batla dilo tse di timetseng amogela diimeili tsa gago rebola diphenšene le dipoelo tsa tshireletso ya loago thusa baagi ba dinaga tse pedi mo nageng ka naga e nngwe ya bona.
Ikgolaganye le Kemedi ya Aforika Borwa e e gaufi kgotsa Botsamaisi jo bo kwa Godimo jwa Ditirelo tsa Boditšhaba kwa Lefapheng la Merero ya Boditšhaba. Go ya ka tirelo e e tlhokegang, tsela e e amogelegang ya boikitsiso e ka kopiwa. Fa o etsaetsega, botsa pele ka mogala.
Ditirelo tsa Boditšhaba di dira diura tse 24 ka letsatsi, matsatsi a le supa ka beke. Mafelo a beke le morago ga diura tsa tiro, thuso e rebolwa ka tirisano le Phaposi ya Ditiro ya Lefapha kwa Pretoria.
<fn>GOV-ZA. Convertaclosecorporation.2010-03-25.tn.txt</fn>
Kgwebo e e kopetsweng e ka godisiwa le go katoloswa, batshola disere ba tlhokagala go tlotlomatsa CC le go tsenya madi a mantsi.
Kgotsa CC e ka bo e gaisana le dikhamphane tse dikgolo mme e batla go fetoga go nna khamphane gore ditiro tsa yona atologe sentle le kgwebo e nne e e itsheditseng e bile e na le bokgoni.
Fa go na le diphetogo tse di tlo dirwang, jaaka leloko le le tlileng go leboga tiro, letlha la ngwaga wa ditshelete le fetolwa kgotsa ramatlotlo o montshwa a tlhophiwa, o tshwanetse go is diforomo CK2 ga mmogo le CK2A pele CC e fetolwa le morago ga gore e fetolwe. Diforomo tsa Kgwebo e e kopetsweng di ka tladiwa mo laeneng.
Motlhankedi wa matlotlo le moruni wa kgwebo e e kopetsweng ga e a tshwanela go nna motho a le mongwe.
Fa go se na ditokomane dingwe tse di rometsweng kwa thoko go tswa mo ditokomaneng tsa khamphane, go tla tsaya malatsi a le mabedi go ya go a le matlhano go fetola Kgwebo e e kopetsweng go nna khamphane. Fa e le gore diforomo tsa CK di tsentshitswe kwa thoko, go tla tsaya dibeke tse di mmalwa go konosetsa kopo.
<fn>GOV-ZA. Convertacompany.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tsamaiso le taolo ya ditlhokego tsa kgwebo e e kopetsweng ga di matswakabele jaaka tsa khamphane. Ka moo, bakhuduthamaga ba khamphane ba ka swetsa go fetola khamphane e e kwadisitsweng go nna CC.
Fa e le gore fa khamphane e fetolwa go nna CC le leina la yona le tlile go fetolwa, Khopi ya foromo ya CK7 e tshwanetse go isiwa ga mmogo le lekwalokopo la go fetola khamphane.
Sitlholola foromo ya kopo, CK7 go dira peeletso ya leina la CC fa e le gore leina le tlile go fetoga.
Romela lekwalo go tswa go moruni wa khamphane go ya ka molawana wa Karolo 27 wa Molao wa Kgwebo e e kopetsweng Close Corporation Act, 1984. Lekwalo le tshwanetse go supa gore moruni o montshwa ke mang.
Romela dikhopi tsa makwaloitshupo a maloko otlhe a CC.
Kopo e ka tsaya malatsi a le mane go ya go a le matlhano go konosediwa.
<fn>GOV-ZA. CrimeStop0860010111.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tirelo ya go Khutlisa Bosenyi ke motseletsele wa ditirelo tsa badirisi tse maikarabelo a tsona e leng go kokoanya tshedimosetso go tswa mo baaging mabapi le disenyi gammogo le ditiro tsa bona. Baagi ba thusiwa ke badiri ba kwa tirelong ya badirisi ba ba katisitsweng sentle mo dipotsolotsong tsa bobatlisisi. Se se go letla go itsise ba Tirelo ya Mapodisi a Aforika Borwa ka ga ditiro tsa bosenyi, o le mo lefelong le le babalesegileng e bile le sa tshosetse. O ka nna wa nna tlhokaina fa o batla. Badiri ba ba salang morago boitshupo jwa batho ba ba neng ba leditse mogala, ga ba a letlelelwa kwa Tirelong ya go Khutlisa Bosenyi go netefatsa gore ga ba kitla ba itsise boitshupo jwa bompimpi. Tshedimosetso e e tlametsweng e romelwa kwa matsekeng.
Ditikwatikwe tsa Tirelo ya go Khutlisa Bosenyi tse di tlhophilweng gape di golaganya bompimpi ka tlhamalalo le babatlisisi ka mokgwa wa tlhaeletsano ya khonferense. Se se kgontsha motlhankedi wa patlisiso go botsolotsa mpimpi ka tlhamalalo.
Ela tlhoko: se se dirwa fa fela o dumela.
Gape o ka bega ka ga ditiro tsa bosenyi ka mokgwa wa seeleketeroniki mo go website ya South African Police Service e le yona e go netefaletsang gore o tla nna tlhokaina, ntle le fa o ka se eletse jalo.
Leletsa nomoro ya Tirelo ya go Khutlisa Bosenyi 08600 10 111.
Modiri wa kwa Tirelong ya Badirisi o tla go kaetsa ka go go botsa dipotso tse di rileng, mme fa tshedimosetso e o e tlametseng e ka dirisiwa, o tla newa nomoro ya khoutu e e tshwanang e le esi.
Fa tshedimosetso e ise e nne e e ka nnang mosola, modiri o tla go naya mabaka e bile o tla go naya keletso ya gore o ka amogelang jang tshedimosetso go feta.
Tshedimosetso e e ka dirisiwang e golaganngwa le nomoro ya khoutu e o e neilweng.
O tla kopiwa go leletsa Tirelo ya go Khutlisa Bosenyi mo go 08600 10 111 ka nako e o tla e bolelelwang go batlisisa gore a tshedimosetso e ne e le mosola, le gore o tla rebolelwa moputso.
Mo isagweng, modiri o tla bua le wena fela ka ga kgetse ya nomoro ya khoutu e o e neileng e nepagetse e bile boitshupo jwa gago bo tsamaelana le "porofaele" e e mo direkotong.
Modiri ka gangwe o tla khutlisa motlotlo fa a sa kgotsofalela gore ke wena o leditseng la ntlha go bega bosenyi. Se ke mokgwa wa tshireletso e bile o ka se buisanelwe.
Fa o bega bosenyi ka mokgwa wa seeleketeroniki, tlatsa foromo ya pegelo e e fitlhelwang mo go website ya SAPS. Nomoro ya tshupetso e tla tlhagisiwa fa fela o rometse foromo.
Tirelo ya go Khutlisa Bosenyi e tla fetisetsa tshedimosetso go lefapha la patlisisio le le maleba go e sala morago, e bile ba tla kopa gore pegelo ya ntlha go gololwa mo sebakeng se se sa feteng diura tse 24 gammogo le tshwetso ya patlisiso ka bonako jo bo kgonegang.
Fa o fitlhelela ditlhokego e bile o ne o kopile moputso, motlhankedi wa patlisiso o tla swetsa gore moputso wa gago ke bokae le fetisa tleleimi go ya ka NI 2/2001.
Fa moputso o siame go ka rebolwa, Tirelo ya go Khutlisa Bosenyi e tla ikgolaganya le wena go rulaganyetsa gore o duelwe.
Jaaka go tshwanetse go ikobelwa ditlhokego tsa boditšhabatšhaba tsa go Khutlisa Bosenyi, ga go a letlelelwa tiriso ya boitshupo jwa dinomoro kgotsa badiri ba ba batlisisang ga ba a letlelelwa mo meagong ya Tirelo ya go Khutlisa Bosenyi gonne se se ka baka gore go se tlhole go nna le botsalano jwa go ikanyega magareng ga SAPS le mpimpi fa go tla mo go nneng tlhokaina.
Tirelo ya go Khutlisa Bosenyi e tla fetisetsa tshedimosetso go lefapha la patlisisio le le maleba go e sala morago, e bile ba tla kopa gore pegelo ya ntlha go gololwa mo sebakeng se se sa feteng diura tse 24 gammogo le tshwetso ya patlisiso ka bonako jo bo kgonegang.
Fa o fitlhelela ditlhokego e bile o ne o kopile moputso, motlhankedi wa patlisiso o tla swetsa gore moputso wa gago ke bokae le fetisa tleleimi go ya ka National Information 2/2001.
Fa moputso o siame go ka rebolwa, Tirelo ya go Khutlisa Bosenyi e tla ikgolaganya le wena go rulaganyetsa gore o duelwe.
Ga go solofelwe gore o tlatse diforomo dipe gonne bosenyi bo begwa ka mogalo. Le fa go le jalo, fa e le gore o bega bosenyi ka go dirisa website ya SAPS, tlatsa foromo ya pegelo ya seeleketeroniki.
<fn>GOV-ZA. Customarylawmarriages.2010-03-25.tn.txt</fn>
Molao wa Setso o simolotse go nna mo molaong ka la 15 Ngwanatsele 2000. Fa e le gore o ne o setse o le mo lenyalong la setso le le tlhomameng pele ga letlha le, lenyalo la gago le amogesegile ka fa tlase ga molao o, o montšhwa. Fa monna a setse a na le basadi ba ba fetang bongwe, manyalo ao otlhe a amogelesegile ka fa tlase ga molao o, o montšhwa. Molao o gape o amogela manyalo a setso a a diragetseng morago ga letlha le mme o tlhalosa melao e batho ba ba nyalanang ka setso ba tshwanetseng go e latela gore lenyalo la bona le tle le amogelesege.
Bobedi jo, bo tshwanetse jwa bo bo feta dinyaga di le lesomerobedi.
Bobedi jo, bo tshwanetse go dumela go nyadisiwa ka fa tlase ga molao wa setso.
Go tshwanetse ga nna le ditherisano, ga ketekwa moletlo mme ga tsenwa mo lenyalong go ya ka molao wa setso.
Bogadi ga bo kaiwe jaaka tlhokego ya kamogelesego ya lenyalo la setso.
Ela tlhoko gore manyalo a, ka gale a ne a ntse amogelesegile ka fa tlase ga molao wa setos.
Ke tshwanetse go kwadisa lenyalo la me leng?
Fa o nyetswe ka fa tlase ga molao wa setso pele ga letlha la 15 Ngwanatsele 2000, lenyalo la gago le tshwanetse la bo le kwadisitswe le Lefapha la Merero ya Selegae. Fa o ne o nyetswe morago ga gore molao o tlhomiwe, o tshwanetse go kwadisa lenyalo mo dikgweding di le tharo morago ga lenayalo.
Manyalo otlhe a setso a a diragetseng morago ga gore Molao o tsenngwe tirisong, ke wa tlhakanelodithoto. Seno se raya gore monna le mosadi ba nna le dišere tse di lekaneng tsa letlotlo, madi le dithoto gape se se raya gore ba šera/amogana le dikoloto tsotlhe. Fa bobedi jo, bo rata gore lenyalo la bona e se ke ya nna la tlhakanelodithoto, ba tla tshwanela ke go tsena mo tumelelanong ya go se tlhakaneledithoto pele ba nyalana. Fa ba rata go fetola tumelelano e morago ga go nyalana, ba tla tshwanela ke go dira kopo kwa Kgotlatshekelong e Kgolo. Ka fa tlase ga Molao wa Manyalo a Setso, mosadi o na le ditshiamelo le maemo a a lekaneng le a monna wa gagwe fa go tsewa ditshwetso mabapi le se se tshwanetseng go diragala ka thoto ya bona. Ga jaanong, mosadi wa setso o na le dithata tsa go tsena mo konterakeng kwa ntle ga thuso ya monna wa gagwe.
Go tla diragala eng fa monna wa me a rata go nyala mosadi yo mongwe?
Monna o tshwanetse a tsena mo tumalanong/konterakeng e e tla totobatsang se se tshwanetseng go diragalela thoto gape monna o tshwanetse go dira kopo kwa kgotlatshekelong gore tumalano e amogelesege. Kgotlatshekelo e tshwanetse go netefatsa gore dikgatlhegelo tsa basadi botlhe mabapi le thoto, di sireletsegile.
Go tla diragala eng fa re rata go tsena mo lenyalong la selegae morago ga go nyalana ka fa tlase ga molao wa setso?
Fa monna wa gago a sena basadi ba bangwe, le ka nna la nyalana ka fa tlase ga molao wa selegae le molao wa setso. Le fa go ntse jalo, se se raya gore ga go ope wa lona yo o tla nyalanang le motho yo mongwe fa le sa ntse le nyalane ka fa tlase ga molao wa selegae.
Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, e ya go Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotlhomo.
Monna kgotsa mosadi a ka kwadisa lenyalo la bona kwa Lefapheng la Merero ya Selegae le le fa gaufi le bona. Go eletswa gore balekani ba ye ba le babedi fa ba ya go kwadisa lenyalo la bona gore kwadiso e diragale ka bonako. Le fa go ntse jalo, fa molekane yo mongwe a gana go ya, o ka nna wa kwadisa o le monosi mme wa tlisa bopaki jo bo tlhokegang.
Afitafiti kgotsa lekwalo le le tswang kwa go moeteledipele wa setso.
motlhankedi yo o kwadisang, kgotsa motho yo o tlhophilweng, yo o tlhophetsweng tiro e ke Mokaedikakaretso gore a diragatse tiro e go ya ka melao e.
Motlhankedi yo o kwadisang kgotsa motho yo o tlhophilweng o tla fetisetsa kopo kwa kantorong e e fa gaufi ya kgaolo kgotsa ya sedika ya Lefapha gore e tsenngwe mo rejisetareng ya go bala batho.
Beya setifikeiti se mo lifelong le le bolokesegileng ka ntlha ya fa se le botlhokwa.
Setifikeiti se se khutshwafaditsweng se ntshiwa ka bonako.
Setifikeiti se se sa khutshwafatswang se tsaya dibeke di le thataro go ya go di le robedi.
Motlhankedi yo o kwadisang o tla go itsise fa a gana go kwadisa lenyalo le le ikaeletsweng la setso, mme aa neela mabaka a gore goring a gana go le kwadisa.
Dituelo tse di latelang di duelwa kwa go Lefapha la Merero ya Selegae.
Molekane o duela motho yo o tlhophilweng: R11 mabapi le kopo ya go kwadisa lenyalo la setso e e dirilweng le motho yo o tlhophilweng.
Tsweetswee, leba motho yo o tshwanetseng go ikgolaganya le ena kwa Mererong ya Selegae gore a go neele kaedi ya ditshenyegelo tse o tlileng go di duela.
Ela tlhoko: Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. Ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.
<fn>GOV-ZA. DeathofsouthAfricancitizensabroad.2010-03-25.tn.txt</fn>
Lefapha la Merero ya Boditšhaba, ka tirisano le baemedi ba lona kwa dinageng tse dingwe, le tlamela ka thuso le kgakololo go ba losika la moagi wa Aforika Borwa yo o tlhokafalelang kwa nageng e sele.
Ba losika lwa moswi wa Aforika Borwa ba na le dikgetho dife?
Moemedi wa Aforika Borwa o tla thusa ba losika go amogela ditlhwatlhwa go ba kgontsha go dira tshwetso e e maleba.
Fa o dirisa rammošara, go botlhokwa go ela tlhoko gore ditirelo tseo di a duelelwa.
Ditlwaelo di farologana go ya ka dinaga, mme se se tla tlhotlheletsa tsamaiso e. Moemedi wa Aforika Borwa kgotsa Lefapha la Merero ya Boditšhaba le neelana ka maelo.
Fa setopo se busediwa, go na le maemo a a masisi a tsamaiso ya sona a a beilweng ke Lefapha la Boitekanelo.
Tlhwatlhwa ya go siamisiwa ga setopo le sepalangwa di dira gore tlhopho e e nne tlhwatlhwagodimo thata.
Pele ba tsaya tshwetso, ba losika ba tshwanetse go newa ditlhwatlhwa go tswa go borammošara ba naga eo, ntle le fa moswi a na le inšorense. Moemedi wa Aforika Borwa a ka thusa.
Ba losika ba ka itlhophela gore setopo se fisiwe mme go romelwe melora.
Rammošara wa naga eo a ka tlamela ka tirelo e. Moemedi wa Aforika Borwa a ka nna teng mo tiragalong ya go fisiwa fa ba losika ba rata gore go nne le paki mo tsamaisong mme ba sa kgone go nna teng ka bobona.
Melora e tsholwa go ya ka meetlo ya naga eo ya selegae.
Ba losika ba tlhopha gore phitlho e tshwarelwe mo nageng eo.
Rammošara wa kwa nageng eo a ka tlamela ka tirelo e. Moemedi wa Aforika Borwa a ka tsenela phitlho e fa ba losika ba rata gore go nne le paki mo tsamaisong mme ba sa kgone go nna teng ka bobona.
Rammošara o tlamela ba losika ka lefelo le lebitla le leng mo go lona.
Fa ba losika ba sa fitlhelelwe kgotsa ba ka se kgone ditlhopho tse di fa godimo, go ka kopiwa phitlho ka puso.
Bothati jwa selegae bo boloka ditopo ntle le tuelo. Moemedi wa Aforika Borwa a ka tsenela phitlho e fa ba losika ba rata gore go nne le paki mo tsamaisong mme ba sa kgone go nna teng ka bobona.
Bothati jwa selegae bo tlamela ba losika ka lefelo le lebitla le leng mo go lona.
Ikgolaganye le inšorense ya moswi fa e le gore o ne a sireleditswe ke inšorense ya loeto. E seng jalo, tlhopha nngwe ya diphitlho tse di tlhalositsweng fa godimo.
Fa o setse o sweditse ka tlhopho e e maleba, saena afitafiti mme o e romele go Botsamaisi jo bo : Ditirelo tsa Boditšhaba kwa Lefapheng la Merero ya Boditšhaba.
Phetolelo e e kannweng fa e le gore ditlankana tse ga di ka Seesimane.
Dintlha tsa tlhaeletsano ka botlalo go akaretsa dikhoutu tsa mafelo.
Ga go tetla e e tlhokegang go romela molora wa setopo se se fisitsweng.
Dintlha tsa tlhaeletsano ka botlalo go akaretsa dikhoutu tsa mafelo.
Fa mabitla a le mo lefelong la poraefete, lekwalo la tetla go tswa go mong wa lefatshe leo go letla go bolokwa gape kgotsa go epololwa ga setopo le a tlhokega. Kgotsa tetla e ka newa go tswa kwa bothating jo bo maleba, sk. Motlhokomedi wa mabitla, Mmasepala wa Sedika wa Porofense ya Boitekanelo.
Fa mabitla a le mo lefelong la poraefete, lekwalo la tetla go tswa go mong wa lefatshe leo go letla go bolokwa gape kgotsa go epololwa ga setopo le a tlhokega.
Lekwalo la tetla go tswa go mong wa lefatshe leo fa lebitla le le mo lefatsheng la gagwe. Tetla e tshwanetse go rebolwa gape ke bothati jo bo maleba, sekai, Motlhokomedi wa mabitla, Mmasepala wa Sedika wa Porofense ya Boitekanelo.
Dintlha tsa tlhaeletsano ka botlalo go akaretsa dikhoutu tsa mafelo.
Molao R2438 wa 30 Diphalane 1987, ditemana 9 le 10.
Lefapha la Merero ya Boditšhaba le tla tsibogela dipotso tsotlhe mo diureng tse 24.
Thuso go tswa go lefapha kgotsa baemedi ba lona kwa dinageng tse dingwe ke mahala, fela ditirelo tse di rebolwa ke borammošara di a duelelwa.
Ga go na diforomo tse di tladiwang.
Lelapa la moagi wa Aforika Borwa yo o tlhokafetseng kwa dinageng tse dingwe le tshwanetse go ikgolaganya le moemedi wa Aforika Borwa yo o gaufi. Kgotsa go ka ikgolaganngwa le Botsamaisi jo bo : Ditirelo tsa Boditšhaba tsa Boditšhaba boemong jwa gago.
Kemedi e egaufi ya Aforika Borwa.
<fn>GOV-ZA. Deathregister.2010-03-25.tn.txt</fn>
Setefikeiti sa loso ke tokomane ya semmuso e e abelwang balosika la moswi fa ba mo kwadisa jaaka moswi. Fa motswantle a tlhokofalela mo Aforika borwa, rekoto ya gagwe e a faeliwa mme setefikeiti sa loso se abelwa balosika lwa gagwe. Dikopo di ka dirwa kwa ofising nngwe le nngwe ya Lefapha la Merero ya Selegae kgotsa kwa embasing ya Aforika borwa kgotsa ntlo ya borongwa fa o dira kopo o le kwa nageng esele.
Tlatsa foromo ya kopo BI-132.
Kwala lekwalo le le nang le dintlha tsotlhe ka ga moswi mme o le romele kwa ofising ya Merero ya Selegae mo tikologong ya gago.
Ga go na phitlho e e tla dirwang kwa ntle ga taelo ya phitlho. Taelo ya phitlho ke setefikeiti se se nayang motho tumelelo ya phitlho le go tsaya setopo kwa lefelong le moswi a swetseng kwa go lona go ya kwa lefelong le phitlho e yang go tshwarelwa kwa go lona.
modiri yo o kanisitsweng wa Merero ya Selegae maloko a Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa batsamaisa diphitlho ba ba filweng dithata tsa go aba ditaelo tsa phitlho.
Setefikeiti se se khutswafaditsweng : Se ntshiwa morago ga kwadiso ya loso.
Setefikeiti se se feletseng : Se ka tsaya dibeke di le 8 go ya go di le 12.
Ela tlhoko: Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.
<fn>GOV-ZA. Deregistermotorvehicle.2010-03-25.tn.txt</fn>
Motsholatetla kgotsa mong wa serori a ka phimola kwadiso ya serori fa se sa tlhole se dirisiwa mo tseleng ya botlhe kgotsa se kailwe se se sa tlholeng se siametse tsela ya botlhe.
Serori se se ntseng se sena laesense dingwaga di le nne, kwadiso ya sona e tla phimolwa. Motlhankedi wa pharakano o tla rebola setifikeiti sa go philolwa ga kwadiso.
Tlatsa foromo ya kopo kwa kantorong ya pharakano.
khopi e e kannweng ya Lekwaloitshupo la gago khopi e e kannweng ya bosupi jwa mong wa serori setifikeiti sa kwadiso ya serori.
Go ka tsaya matsatsi a mabedi go diragatsa kopo ya gago.
Ditirelo ga di duelwe.
Diforomo tse di ka bonwa kwa kantorong nngwe le nngwe ya pharakano kgotsa bothati jwa kwadiso ya dirori.
<fn>GOV-ZA. Deregisterorliquidateaclosecorporation.2010-03-25.tn.txt</fn>
Fa kgwebo e e kopetsweng e sa tlhole e tsweletsa kgwebo e e atlegileng, e ka nne ya kopa Mokwadise wa Dikhamphane gore a e kwalolole mo databeiseng. Ka tsela e, maloko a Kgwebo ba tshwanetse go itsise Mokwadise wa Dikhamphane ka maikaelelo a bona.
CC e ka palelwa ke go tsweletsa kgwebo ya yona mme e eletse go ka ikwalolola, kgotsa e ka tlhatlhamololwa. Boemo bo bo ka nna matswakabele le marara, mme Mokwadise wa Dikhamphane o tshwanetse go newa tshedimosetso e e kgethegileng.
e palela ke go tsweletsa kgwebo ; kgotsa maloko a batla go aba diasete tsa CC magareng ga bona.
CC e ka nna ya tlhatlhamololwa ka lebaka la dithulaganyo tsa kgotlatshekelo kgotsa tlhatlhamololo e ka nna boitlhophelo Fa maloko a CC ba dira kopo ya gore CC e tlhatlhamololwe, tshireletso e a tlhokega go tswa go Mokwadise wa Dikhamphane..
Kanego e e kwadilweng e e tlhagisiwang ke mongwe le mongwe e ka romelwa go Mokwadise wa Dikhamphane.
Sitlholola foromo ya kopo, CK6.
Fa e le gore CC e tlhatlhamololwa ka boitlhophelo, dikhopi di le pedi tsa diforomo tsa CK6 di tshwanetse go romelwa.
<fn>GOV-ZA. DirectoryOfServices.2010-03-25.tn.txt</fn>
Molaodi-mogolo wa Badiri - Mr. K. Govender (018) 387 3000 Go golaganya le go tsamaisa ditirelo tsa tshegetso tsa Tonakgolo.
Ditirelo tsa kgakololo - Mr. P.W. Modise (018) 387 3154 Go diragatsa kgakololo ya sepolotiki go Tonakgolo
Kantoro ya Mokaedi - Kakaretso- Lolea (018)387 3695 Go tlamela ka tshegetso ya tsamaiso go Mokaedi-Kakaretso.
Tshegetso ya EXCO - Ms. H.
Ditirelo tsa Pabalesego - Mr Baloyi (018) 387 3018 Go tlamela ka maemo le ditirelo tsa pabalesego.
Motlhankedi - Mogolo wa Ditshelete Mr P. Gumede (018) 387 3025 Go tlhomamisa tsamaiso le tiriso ya Ditshelete, theko le thebolo, metswedi ya ditshelete mo kantorong ya Tonakgolo.
Tsamaiso ya Ditshelete - Mr. N.J. Oosthuizen (018) 387 3025 Go tlamela ditirelo tsa tsamaiso ya Ditshelete.
Ditirelo tsa Semolao Mokaedi-mogolo - Mmueledi B. Senne(018) 387 3059 Go diragatsa ditirelo tsa semolao kakaretso.
Peomolao - Mr. H. Masilo (018) 387 5058 (018) 387 5058 Go tlhomamisa peomolao e e tlhomameng
Tshegetso ya tsa Tshekiso Mmueledi - Mr.G.O.B. Ratshikana (018) 387 3057 Go tlamela ka tshegetso ya tsa tshekiso go Mafapha a porofensi
Kgakolo ya Semolao - Mmueledi K.
Mokaedi-Mogolo wa Tlhaeletsano - Mr. C. Monama (018) 387 3753 Go itsise setshaba ka dipholisi, manaane, ditiragalo le diphitlhelelo tsa puso Diphasalatso- Tshepiso Letselela (018) 387 3020 Go tlhomamisa gore tshedimosetso ya puso e nne teng go ya ka diphasalatso.
Dikamano tsa kgaso - Mr. R. Mamabolo(018) 387 3108 Dikamano magareng gapuso le kgaso
Mogokaganyi wa Baagi - Mr. S. Matshe (018) 387 3014 go okaganya magareng ga puso le baamegi
Lenaane la Thuso ya Modiri - Ms.C.T. Khumalo (018) 387 4434 Go tsamaisa lenaane la Thuso ya Modiri(EAP) mo Porofensing.
Kgolagano ya Bodiri Mr. B. Malwane (018) 387 3707 Go tlamela ka Metswedi ya Botho.
Tsamaiso ya Motswedi ya Botho - Mr K. Digoamaje(018) 387 3087 Go tsamaisa Motswedi wa Botho.
Tlhabololo ya Setheo - Mr P. Botha (018) 387 4286 Go gakolola ditirego tsa tiro mo Porofensing.
Tlhabololo ya Motswedi wa Botho - Ms. T. E. Letsedi (018) 4035 Go tlamela kaditirelo tsa tlhabololo tsa Motswedi wa Bothogo puso ya Porofensi.
Tsamaiso le Golaganyo ya Pholisi Motlatsa-Mokaedi Kakaretso - Mr. M. S. Bokaba (018) 387 3099 Go netefatsa ditirego tse di tlhomameng mabapi le tsamaiso e e tlhamaletseng le kgolaganyo ya tlhokomelo, pholisi, patlisiso le ditirelo tsa tshedimosetsogo sekaseka tiro ya puso.
Tsamaiso le Manaane Mokaedi-Mogolo - Mr O. Mosiane (018) 387 4213 Go golaganya mabaka a a amanang le tsamaiso.
Dikamano tsa Bosetshaba le tsa Mebuso - Mr. S. Mbu (018) 387 4283 Go laola le go tlamela Tonakgolo le Manaane a Porofensi a Bosetshaba le go diragatsa porotokolo le kgakololo ya dikamano tsa Setshaba go Tonakgolo.
Tlhabololo ya Selegae le ya Setoropo - Moruti L.
Boeteledipele ba Setso - Mr. A. Ruthoane (018) 387 2922 Go tlamela ka tsamaiso, sethekeniki le tshegetso ya pholisi go boeteledipele ba Setsole Bathati ba Setso.
Tsamaiso ya Pholisi Mokaedi-Mogolo - Mr. D. Schoeman (018) 387 4215 Go tlamela le go tlhokomela tlhamo ya pholisi le togamaano, tiragatso ya porojeke le go diragatsa ditirelo tsa tshedimosetso le g sekaseka diphitlhelelo tsa Tlhabololo.
Togamaano le pholisi ya Porofensi - Ms. M. Z.
Tsamaiso ya Tshedimosetso - Mr. U. Kraak (018) 387 4010 Go diregatsa gore ditshiamelo tsa Molaotheo di nne mo pontsheng ya tshedimosetso nngwe nngwe e e tshwereng ke puso le go neela ka dimmapa tsa porofensi le tshedimosetso ya manaanepalo.
Go Sekaseka le Tlhokomela - Ms. R. Moonolal (018) 387 4189 Go tlhokomela ka tlhomamo ka tsela e ditshwaelo le ditirego le dipholo di tsamaisiwang ka teng mo porofensing le gore diphitlhelelo le dipholo di tlhomame le go tswelela mo ditlhokegong tsa paka ya jaanong le e e tlang.
Patlisiso le Baagi - Ms. M.
Tsamaiso ya Porojeke - Mr M. Malaka (018) 387 4001 Go tlhama le diragatsa lenaane le le tlhomameng la thulaganyo ya tsamaiso ya porojeke le go tlhama maatlafatso a porojeke mo porofensing.
Tonakgolo: Ms. B.E.E.
Kantoro e tsaya taolelo ya yona ya pele go tswa go molaotheo, molao wa ditirelo tsa setshaba, melawana le dikaelo tsa yona tsa pholisi.
Tonakgolo o na le khuduthamaga, pholisi, peomolao, tirisano ya mebuso le ditiro tsa moletlo le boikarabelo, jaaka di tlhalositswe mo kgaolong ya borataro ya Molaotheo wa Repaboliki ya Aforika Borwa.
Tonakgolo o na le boikarabelo mabapi le tiragatso ya kgaolo ya boraro ya Molaotheo.
Tonakgolo, le ditokololo tsotlhe tsa khuduthamaga ba boikarabelo go peomolao ya porofensi go diragatsa dithata le tiragatso ya ditiro tse ba di abetsweng.
Mogolwane wa Badiri : Mr. K. Govender
Go golaganya le go tsamaisa ditirelo tsa tshegetso go Tonakgolo.
Go diragatsa ditirelo tsa porotololo/motlhagolatsela, tsa palamente le tsa moletlo go Tonakgolo.
O bebofatsa tirisano le tlhaeletsano e e tlhomameng magareng ga Tonakgolo, baagi le baamegi.
O tlamela ka tshegetso ya sethekeniki go Tonakgolo.
Ditirelo tsa Kgakololo Mogakolodi wa Tonakgolo Mr. P. W. Modise
O tlamela ka kgakololo e e mabapi le sethekeniki, porofeshene le ka maemo le kaelo a sepolotiki.
Mokedi-kakaretso : Ngaka M.M.
O tlhomamisa tsamaiso le kgakololo e e tlhomameng ya porofensi, le go tshegetsa khansele ya khuduthamaga mabapi le dintlha tsa tsamaiso. Ke motlhankedi yo o boikarabelo mo kantorong ya Tonakgolo.
O tlhaola dintlha tsa togamaano go tokafatsa neelo ya ditirelo e e tlhomameng.
O tlamela ka ditirelo tsa bokwaledi le tsa tsamaiso go Khansele ya Khuduthamaga.
O golaganya ditirelo tsa setlamo, tsa semolao le tsa tlhaeletsano.
O netefatsa ditirego tse di tlhomameng tsa tsamaiso e e siameng.
O netefatsa metswedi ya matlotlo, thebolo le theko, tiriso ya ditshelete, le tsamaiso e e tlhomameng mo kantorong ya Tonakgolo.
O gokaganya mefama yotlhe ya puso ka dintlha tse di mabapi le porofensi.
O tlamela ka ditiro tsa bokwaledi le tsa tshegetso go Mokaedi-kakaretso.
O thusa Mokaedi-kakaretso mo go golaganyeng ditiragalo tsa maphata a tsamaiso ya porofensi le go tlhokomela badiri ba tlamelo ya Mokaedi-kakaretso.
O laola tekanyetsokabo ya kantoro ya Mokaedi-kakaretso.
Bokaedi : Tsamaiso ya ditshelete Mokaedi : Mr. N.J. Oosthuizen
Go tlamela ka ditirelo tsa tsamaiso ya ditshelete.
O aba le go tsamaisa tshedimosetso ya tsa ditshelete.
Bokaedi : Tshegetso ya Khansele ya Khuduthamaga Mokaedi : MS. H.
Bokaedi ba tlamelo ya Khansele ya Khuduthamaga mo kantorong ya Tonakgolo, bo tshegetsa ditiro le go bega ka tlhamalalo go Mokaedi-kakaretso.
Maikaelelo a Bokaedi jo, ke go tlamela ka tsamaiso le tshegetso ya bokwaledi go Khansele ya Khuduthamaga (EXCO), dikomiti- potlana tsa yona, komiti ya tshegetso ya sethekeniki ya khansele ya khuduthamaga (EXTCH) le dikomiti tsa ditlhopha tsa EXTECH.
go sekaseka ditlhgiso tsotlhe tse di amogetsweng go tswa mo mefameng, le go isa kwa maphateng a a maleba.
Go tsenela dipitso tsotlhe tsa EXCO, dikomiti tsa EXTECH, le dikomiti tsa ditlhopha tsa EXTECH.
Go golaganya thulaganyo ya EXCO, EXTECH le dikomiti tsa ditlhopha tse di maleba.
Go kwala ditlhagiso tse di tswang go dikomiti-potlana tsa EXCO go neela Khansele ya Khuduthamaga.
Go rulaganya le go phatlhalatsa manaane a tlhomamiso a ditiro tsotlhe tse di neetsweng go tswa mo pitsong gore di diragadiwe ke mafapha a a maleba.
Bokaedi : Ditirelo tsa Pabalesego Mokaedi : Mr. Bheki Baloyi
O bebofatsa, golaganya le go tlhokomela maemo a pabalesego mo tsamaisong ya porofensi.
Go tsenya tirisong ditogamaano tsa pabalesego.
Go tlamela ka kgakololo e e mabapi le dintlha tsa pabalesego.
Go golaganya ditirelo tsa pabalesego tse di mabapi le ditiragalo le ditiro tsa porofensi.
Bokaedi-Bogolo: Tsamaiso ya Ditshiamelo le Ditshelete Mokaedimogolo wa tsa Ditshelete: Mr. P. Gumede
Go tlhomamisa metswedi ya ditshelete le tiriso, theko le thebolo, e e tlhomameng mo kantorong ya Tonakgolo.
Go tlhoma le go tlhokomela dithulaganyo tse di maleba (tshekatsheko ya didirisiwa tsa thulaganyo le dikao kgotsa dilekanyetsi tsa mokgwa wa tshomarelo) tsa pholisi go netefatsa tsamaiso ya metswedi e e tlhomameng.
Go ema-nokeng tlhogo ya lefapha (HOD) le batsamaisi- bagolo bangwe mo go diragatseng ditiro tsa bona go ya ka Molao wa Tsamaiso ya Ditshelete wa Setshaba wa 1999 le melawana ya tsa matlotlo.
O tlhama ditshwetso tse di tlhomameng go tokafatsa tshomarelo e e siameng mo neelong ya ditirelo le go tsamaisa mafapha.
Go bebofatsa tiragatso ya ditlwaelo le maemo a bosetshaba mo go tlhokagalang.
Go gakolola tlhogo ya lefapha ka dintlha tse di tsamaisanang le ditlamorago tsa ditshelete le togamaano.
Go gokaganya le batsayakarolo ba ba maleba mo mererong ya tsaditshelete kakaretso.
Go tlhomamisa tsamaiso ya tsa ditshelete e e tlhomameng ka go dirisana go tlhobolola manaane a katiso kgotsa ka go neela katiso ka tlhamalalo mo dintlheng tsa ditshelete go badiredi ba lefapha.
Go laola tsamaiso ya ditiro tsa ditshiamelo le tsa ditshelete tsa lefapha.
Bokaedi- Bogolo: Ditirelo tsa semolao Mokaedikakaretso : Mmueledi B.
Go neela ka kgakololo ya semolao go mafapha otlhe.
Bokaedi : Peomolao Mokaedi : Mr. H. Masilo
Go tlhomamisa peomlao e e nonofileng.
Go tsamaisa tirego ya tshekatshekoseswa ya peomolao.
Go itse ditlamorago tsa peomolao.
Bokaedi : Tshegetso ya tsa tshekiso Mokaedi : G.O.B.
thusa ka go tshwantshanya le go sekaseka dikwalo tsotlhe tse di mabapi le tsa tshekiso.
emela mafapha ka tsa katlholo.
Ke modulasetulo wa dipatlisiso tsa kgalemo.
Mokaedi : Mmueledi K.
Go tsamaisa patlisiso ya semolao.
Bokaedi : Tlhaeletsano Mokaedi : Mr. C. Monama
Go netefatsa tlhaeletsano e e nonofileng magareng ga puso ya porofensi le baagi ba bokone bophirima.
Go tlamela ka ponelopele, pholisi, manaane, diphitlhelelo le dikgwetlho tsa puso ya porofensi.
Go netefatsa tlhaeletsano e e tlhomameng ya ditshwetso tsa EXCO.
Go tlhomamisa gore tshedimosetso ya puso e nne teng, go ya ka diphasalatso tsa kgaso ya se-eleketeroniki le ditheo tsa didirisiwa.
Go golola diphasalatso mo boemong jwa puso, go bareetsi ba ba ka fa gare le ba ba kwa ntle ga porofensi.
Go netefatsa phatlhalatso ya tshedimosetso e e tlhomameng go ya ka kgaso ya se-eleketeroniki.
Go tlhoma le go tsamaisa ditheo tsa didirisiwa.
Go dira dire tsa bidio le ditokhiumentari.
Bokaedi : Dikamano tsa Kgaso Mokaedi : Mr. R. Mamabolo
Go tlhama le go tsamaisa lenaane le togamaano ya puso ya porofensi le kantoro ya Tonakgolo.
Go tlhomamisa phasalatso ka botlalo ya manaane le ditiragalo tsa Tonakgolo le puso ya porofensi.
Go rulaganya le go golola pego ya kgaso mo boemong jwa puso ya porofensi le kantoro ya Tonakgolo.
Go netefatsa tlhokomelo le tshekatsheko e e nonofileng ya ditiragalo tsa kgaso ya puso ya porofensi.
Bokaedi: Mogokaganyi wa Baagi Mokaedi : Mr. Matshe
Go tlhomamisa gokaganyo e e tlhomameng magareng ga puso ya porofensi le baamegi botlhe.
Go tsamaisa dikamano tsa puso ya porofensi le baagi, NGO's, CBO's le mefama mengwe.
Go tsamaisa matsholo tsweletso a tlhaeletsano mo porofensing.
Go laola phatlhalatso ya diphasalatso tsa puso.
Go batlisisa le go kwala dipuo tsa Tonakgolo.
Go kwala dipuo tse di boleng tse di batlisisistsweng sentle tsa ga Tonakgolo.
Go tlhomamisa gore dipuo di abelanwe le bokaedi, bogolosegolo dikamano tsa kgaso ka mabaka a phasalatso e e tlhomameng.
Motlatsamokaedi-kakaretso : Ms. B.M.
Go golaganya ditirelo tsa setlamo, semolao le tsa tlheletsano.
O aba ditirelo tsa tshegetso ya tsamaiso go Mafapha a Pororofensi.
Go itsise setshaba ka dipholisi, manaane, ditiragalo le diphitlhelelo tsa Puso.
Bokaedi-bogolo : Ditirelo tsa Setlamo Mokaedi-mogolo : Ms. K.
Go aba ditirelo tsa tshegetso ya setlamo go Mafapha a Porofensi.
Go tlamela ka ditirelo tsa EAP go badiri botlhe ba porofensi.
Go diragatsa ditirelo tsa kgolagano ya bodiri tsa Porofensi.
O dira ka dintlha tse di amanang leTlhabololo ya Metswedi ya Botho mo Porofensing.
O tsamaisa Metswedi ya Botho mo Porofensing.
O gakolola ka ditirego tsa tiro mo Porofensing.
Go golaganya dipholisi le go diragatsa ditirelo go ditlhopha tsa kgatlhegelo tse di kgethegileng.
Go tlamela ditirelo tsa tsamaiso ya kgolagano ya bodiri.
O tsamaisa le go tlhokomela dikgolagano tsa bodiri mo porofensing.
O laola kgolagano le tsamaiso ya kgotlhang mo Porofensing.
O tsamaisa ditirisano tsa maatlafatso.
O gokaganya le botlhe mo porofensing le baamegi ba ba kwa ntle.
Bokaedi : Tsamaiso ya Motswedi wa Botho Mokaedi : Mr. K. Digoamaje
Go diragatsa kgolagano le ditiro tse di tlogetsweng ka phoso mo tsamaisong ya pholisi ya motswedi wa botho gammogo le go tlamela tshegetso ya Modirisi le go katisa Badirisi ba PERESALE mo Porofensing ya Bokone Bophirima.
mo Porofensing ya Bokone Bophirima.
Go tlhokomela le go sekaseka tiragatso ya dipholisi tsa Motswedi wa Botho.
Go tlamela ka ditirelo tsa tshegetso le tsa kgakololo ya kgolagano tsa ditirisano tsa tsamaiso ya motswedi wa botho go Mafapha a Porofensi a Bokone Bophirima.
Go tlamela ka tshegetso go Badirisi ba thulaganyo ya PERESALE mo Porofensing ya Bokone Bophirima.
Go bebofatsa katiso go Badirisi botlhe ba thulaganyo ya PERESALE mo Porofensing ya Bokone Bophirima.
Bokaedi : Tlhabololo ya Setheo Mokaedi : Mr. P. Botha
Go gakolola ka ditirego tsa tiro mo porofensing.
O aba ditirelo tsa tlhabololo ya setheo go Mafapha otlhe a Porofensi.
O tlamela ka ditirisano tsa Maphata.
O tlamela ka ditirisano tsa sethekeniki.
O tlamela ka ditirisano tsa boitshwaro.
Bokaedi : Tlhabololo ya Motswedi wa Botho Mokaedi : Ms. T. E.
Go tlamela ka ditirelo tse di kopanetsweng tsa tlhabololo ya Motswedi wa Botho go Mafapha a Porofensi.
Go tlhama ditogamaano le dipholisi tse di kopanetsweng tsa tlhabololo ya Motswedi wa Botho.
Go golaganya maiteko a tlhabololo ya Motswedi wa Botho a Porofensi.
Go tlhokomela Motswedi wa Botho kwa ntle ga Porofensi.
Go tlhama Motswedi wa Botho ka fa teng ga Puso.
Go tsamaisa ditetlo le dibasari.
Motlatsa Mokaedi-Kakaretso : Mr M. S.
Go netefatsa ditirego tse di tlhomameng tsa tsamaiso e e siameng.
O golaganya dintlha tse di mabapi le tsamaiso.
Go golaganya le go tlhokomela pholisi, patlisiso le ditirelo tsa tshedimosetso le go sekaseka ditiro tsa puso.
Go tlamela ka ditirelo tsa tsweletso ya selegae le setoropo.
Go tlamaganya diporojeke tse di kgethegileng.
Go neelana ka ditirelo tsa mebuso.
Go golaganya le go diragatsa ditirelo go ditlhopha tsa kgatlhegelo.
Go tlamela ka tsamaiso, sethekeniki le kemonokeng ya pholisi go ntlo ya boeteledipele ba Setso le Bathati ba Setso.
Bokaedi : Porotokolo le Dikamano tsa Mebuso le Bosetshaba Mokaedi : Mr. Sandi Mbu
Go laola le go golaganya Tonakgolo le Manaane a Bosetshaba le a tirisano ya Mebuso a Porofensi le go dira jaaka Mokwaledi wa Foramo ya tirisano Mebuso le Foramo ya Boramotse le Tonakgolo.
Go tsamaisa manaane otlhe a a amanang le bosetshaba le a tirisano ya Mebuso.
O aba tshegetso ya Bokwaledi le ya tsamaiso go NWIFG.
Itshimololela ya manaane le matsholo a a ikaelelang go tsweletsa tsamaiso ya tirisano.
Go tlhokomela ditlhabololo tsa kgakololo le tsa pholisi ya bosetshaba ya Aforika Borwa mo ditlamoragong tsa tsona mo porofensing.
Go dira dikamano tsa porofensi le diporofensi tse di mabapi, ditlamo le mekgatlho ya bosetshaba.
Go itshimololela le go tlhokomela diporojeke le tumalano e e kopanetsweng ya bosetshaba ya diporofensi.
Go dira jaaka mogokaganyi-mogolo wa diporofensi le ntlo-kemedi ya semmuso le ditlamo tsa kabelo-madi tse di letleletsweng mo Aforika Borwa.
Go tlhaola ditshono tsa katiso ya porofensi kwa moseja.
Mogokaganyi magareng ga porofensi le ditlamo tsa bosetshaba.
Bokaedi : Tlhabololo ya selegae le seteropo Mokaedi : Moruti L.
Go tlamaganya ditirelo tsa tlhabololo ya selegae le setoropo.
Go gokaganya lenaane la neelo ditirelo la tlhabololo ya selegae.
Go gokaganya lenaane la neelo ditirelo la seteropo.
Bokaedi : Boeteledipele ba Setso Mokaedi : Mr. A. Ruthoane
Go tlamela ka tsamaiso, tshegetso ya pholisi go boeteledipele ba setso le bathati ba setso.
Go laola merero ya boeteledipele ba setso.
Go laola maatlafatso mo tsamaisong ya merero ya boeteledipele ba setso.
Go laola ditirelo tsa tshegetso ya tsamaiso go boeteledipele ba setso.
Bokaedi- Bogolo : Tsamaiso ya Pholisi Mokaedi : Mr. D.W. Schoeman
Go tlhabolola, bebofatsa, gokaganya le tlhokomela dithulaganyo tse di tsweletseng e bile dikopanetswe tsa tlhamo ya pholisi, togamaano, patlisiso, tsamaiso ya porojeke le ya tshedimosetso mo porofensing.
Go tlhabolola le go bebofatsa tlhamo ya pholisi le tsamaiso ya yona mo mafapheng a porofensi, mefama le ditlhopha tsa mafama.
Tlhamo le tiragatso ya lenaane le le tlhomameng le thulaganyo ya tsamaiso ya porojeke le maatlafatso mo porofensing le kgolaganyo ka botlalo, tshegetso ya ditlamo tsa togamaano le tiragatso.
Go tsamaisa diporojeke le manaane a mefama-ntsi a bogolosegolo abetsweng go Mokaedi-Mogolo.
Go tshwantshanya tshekatsheko le phatlhalatso ya kitso le tlhabololo ya porofensi.
Go tsweletsa bokgoni ba kantoro mo tsamaisong, neelo ya ditirelo le boeteledipele.
Go tlhama le go tsamaisa thulaganya ya patlisiso, le ya maphata mo porofensing.
Bokaedi : Tsamaiso ya Porojeke Mokaedi : Mr. M. Malaka
Go tlhama le go diragatsa lenaane le le tlhomameng le thulaganyo ya tsamaiso ya porojeke, go maatlafatsa mo porofensing le go diragatsa kgolaganyo ka botlalo le go tshegatsa togamaano le ditlamo tsa tiragatso, go tsamaisa manaane a mefama-ntsi le diporojeke tse di abetsweng go tlhokomelwa ke bokaedi.
Go tlhama le go diragatsa tsheko ya porojeke mo porofensing.
Go ngoka kgatlhegelo le go tshegetsa tsamaiso ya porojeke kwa maemong a a kwa godimo a bokhuduthamaga le go itshomololela manaane tlwaetso ka tlhomamo.
Go emanokeng tlhamo le tiragatso ya ditirego le dithulaganyo tebang le tsamaiso ya porojeke ka tlhomamo.
porofensing le go tlhagisa ditlamorago tse di tlhokang tlhokomelo.
Go tshegetsa ditheo ka thulaganyo ya porojeke, ditherisano tlhokomelo le tshekatsheko mo go tlhokegang.
Go laola tiragatso ya rejisitara ya diporojeke le ya thulaganyo ya tshekatsheko ya porofensi le go sekaseka bokgoni ba dithulaganyo, ditirego le maphata.
Go tlhama le go diragatsa pholisi le togamaano mo thefosanong ya lenaane le tuelo ya porojeke ke ditheo tsa porofensi le go sekaseka diphitlhelelo ka tlhomamo.
Go diragatsa tsamaiso, boteledipele le tshegetso ya tsamaiso mo boemong ba mokaedi kakaratso le setlhopha sa tsamaiso ya porojeke se se emetseng ditlamo tsa diporofensi tse di farologanong.
badirisani ba togamaano.
Go tlhaola le go tlhagisa ditekeletso tse di tla amang tiragatso ya tsamaiso ya porojeke ka go tlhama ditogamaano tse di maleba tse di tla fokotsang ditekeletso tsa go nna jalo.
Tlhama le go tlhokomela tiragatso ya lenaane katiso le le malebatebang le tsamaiso ya porojeke mo porofensing.
Tsamaiso ya porojeke e e kgethegileng ya maphata -ntsi le ya ditiro-ntsi ya diporojeke tsa porofensi tse di abetsweng go Bokaedi.
Bokaedi : Togamaano le pholisi ya porofensi Mokaedi : Ms. M. Z.
Go tlhabolola le go bebofatsa tsweletso ya tlhamo ya pholisi le tsamaiso ya yona mo mafapheng a porofensi, mefama le ditlhopha le go tshegetsa ka botlalo go golaganya bosetshaba, porofensi le itshimololelo ya thulaganyo le togamaano ya selegae tse di tsweletsang kgolo lre tlhabololo e e tsweletsweng e bile tlhakanetswe mo porofensing.
Go tlhama le go diragatsa thulaganyo ya togamaano le ya pholisi ya porofensi e e mabapi le tlhabololo le kgolo e e tswelelang e bile e tlhakanetswe mo porofensing.
Go tlhomamisa gore tlhamo ya pholisi, peomolao le togamaano kwa maemong a bosetshaba, porofensi le a selegae a tsamaisiwa le go lolamisiwa le dithulaganyo tsa bosetshaba le go nna maleba le maitemogalo a mo gae.
Go sekasekagape tiriso ya pholisi le tshegetso ya itshimololelo ya tlhamo ya yona mo porofensing.
Tshwantshanya tshekatsheko ya dibaka tse di farologaneng, mefama, puso le ditlhopha tsa togamaano le go letlanya go nna togamaano e e tiisitsweng ya porofensi mabapi le tlhabololo e e tsweletseng e bile e tlhkanetswe.
Tlamela ka diponagalo tsa porofensi le go tshegetsa ka itshimololelo ya togamaano kwa maemong a selegae, porofensi le bosetshaba le go netefatsa gore a maleba le tlhabololo ya porofensi.
Go tlhaola diphatlha tse di tlogetsweng tsa togamaano le a pholisi mo porofensing le go itshimololela dikgato tse di maleba mo go tlhokagalang.
Mokaedi : Mr. M. Mokalobe
Go tlhama, go golaganya, le go tsamaisa thulaganyo ya patlisiso, maphata mo porofensing.
Go tlhama, go golaganya le go diragatsa thulaganyo ya patlisiso le maphata go natlafatsa matlaafatso mo porofensing.
Go bebofatsa patlisiso le tlhabololo ya ditlwaelo le setso mo porofensing le tsamaiso ya porofensi.
Go kopanya patlisiso le ditlhokego tsa togamaano le tlhabololo le go tlhomamisa-pele kwa maemong a selegae, porofensi bosetshaba.
Go bebofatsa ditshitshinyo tsa patlisiso le go rulaganya dipego tsa patlisiso.
Go thusa ditheo tsa porofensi ka tlhaolo, thulaganyo, therisano le tiragatso ya patlisiso.
Go dira ditirelo tsa bokwaledi ba seporofesene go komiti ya kgolaganyo ya patlisiso ya Bokone Bophirima.
Go golaganya ditlhokego tsa patlisiso le dithitshinyo magareng ga mafapha a puso le ditheo tsa patlisiso mo porofensing.
Go tlhama le go tlhokomela patlisiso ya thulaganyo ya sefalana sa tshedimosetso.
Go tlhokomela le go sekaseka patlisiso ya diporojeke le diphitlhelelo.
Bokaedi : Tsamaiso ya tshedimosetso Mokaedi : Mr. U. Kraak
Go diragatsa ditshiamelo tsa Molaotheo gore di nne mo pontsheng ya tshedimsetso nngwe le nngwe e e tshwereng ke puso le tshedimosetso nngwe le nngwe e e tshwerweng ke motho mongwe le mongwe, mme e tlhokokagala go diragatsa tshireletso ya ditshwanelo dingwe le dingwe.
Go tlhama le go tlhokomela thulaganyo ya METADATA jaaka e tlhalositswe ke Molaotlhomo wa tshedimosetso ya dibaka.
Go kgobokanya, go tshwantshanya- tshekatsheko, kgolaganyo, tlhamo le polokelo ya thulganyo ya sefalana sa dibaka tse di sa tlhomamisiwang le tse di tlhomamisitsweng sa porofensi jaaka neetswe ke bosetshaba, kgotsa mafapha a porofensi.
Go tsamaisa, golaganya le go tlhokomela ditirelo tsa kwalelano seileketeroniki.
tshedimosetso ka bophara.
Go tlhama tirelo ya tsamaiso ya kitso e e kopantsweng.
Go tlhama le go tsamaisa tirelo ya tshedimosetso ya mafelo.
Go tlhama dimmapa tsa porofensi le neela manaanepalo a porofensi.
Bokaedi : GoTlhokomela le Sekaseka Mokaedi : Ms. R.
Go tlhama le go diragatsa thulaganyo e e nonofileng go tlhokomela le go sekaseka ditshwaelo, ditirego, dipholo le diphitlhelelo tsa kgolo le tlhabololo mo porofensing le tiro ya setshaba le ya mefama ya poraefete nako le nako.
Go tlhama le go diragatsa dithulaganyo tse di tlhokomelang le go sekaseka tlhabololo, ditshwaelo, dipholo le diphitlheleloka tlhomamo.
Go tlhokomela le go bega nako le nako ka dithulaganyo tsa tsamaiso ya porofensi le tse di diragadiwang.
Go tlhokomela le go bega nako le nako ka tshedimosetso e e tlhagisitsweng ke ditlamo le mapahata a porofensi le tshekatsheko ya ditiro le diphitlhelelo.
Go batlisisa fa baamegi le ditlhopha tsa kgatlhegelo kwa ntle ga tsamaiso ya porofensi di diragatsa kwa bosetshaba, porofensi ditogamaano le diitshimololelo tsa selegae.
Go sekaseka fa togamaaano le neelo ya ditirelo e fitlhelela phegelelo le ditlhokwa tsa batho.
Go sekaseka fa tlhamalalo le kopanelo e e lekaneng e tlhomilwe magareng ga togamaano, thulaganyonaane le tekanyetsokabo.
Go golaganya ka botlalo go tiisa le tlhagisa ditsela tsa phitlhelelo le tsa tiro mo porofensing.
Go tlhama le go tlhagisa diponagalokgolo tsa tiro tsa porofensi.
Go tlhama, go diragatsa le go tsamaisa ditiro tse di tlhokometsweng tse di kgethagilengtse di kaetsweng kwa Bokaeding.
Go diragatsa ditirelo tsa tlhokomelo le tsa tshegetso go ditlhopha tsa dikomiti le diporojeke tse di kaetsweng go thulaganyo ya ditlhopha.
<fn>GOV-ZA. Drivinginstructor.2010-03-25.tn.txt</fn>
Melawana ya Bosetšhaba ya Pharakano ya Tsela e tlhalosa gore mongwe le mongwe yo o ratang go nna mokaedi wa kgweetso o tshwanetse go kwadisiwa le Lefapha la Dipalangwa. Go nna mokaedi o tshwanetse go tsenela katiso le go falola tlhatlhobo. Motho yo o ratang go nna mokaedi wa kgweetso o tla dira fela ka setlhopha sa dirori tse a reboletsweng laesense ya go di kgweetsa. Setifikeiti sa mokaedi se dira ngwaga o le mongwe.
Dira kopo ya setifikeiti sa mokaedi gongwe le gongwe kwa lefelong teko ya dilaesense tsa bakgweetsi.
Tlatsa foromo ya RI, Kopo ya kwadiso jaaka mokaedi wa kgweetso.
Tlisa setifikeiti sa gago sa boitekanelo.
Duela madi a a beilweng.
O tla romelwa kwa setišeneng sa sepodisi go bona pegelo ya go se bonwe molato.
Lefelo la diteko le tla romela kopo ya gago go MEC gore e dumelwe kgotsa e ganwe. Fa e dumetswe, lefelo la diteko le tla rebola tetla.
Tetla e ka siama mo dibekeng tse thataro go ya go tse robedi.
<fn>GOV-ZA. Electronicinterface.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tirelo e, e letlelela motho ka nosi, setheo kgotsa mokgatlho go tlhoma kgolagano ka tsela ya eleketheroniki le ba Madirelo a Makgetho a Aforika Borwa ka tsela ya thelesetso e e tlhophilweng. Tsamaiso e Ntšhwa ya Lekgetho la Lotseno, e dirilwe ka tsela e e leng gore e tla fedisa go dirisiwa ga pampiri fa go kgonagalang teng, le go dirisa tsela ya go dira ka metšhene mo go neng go dirisiwa batho ka matsogo a bona mme ka nako e le nngwe go netefatswa gore baduelalekgetho botlhe ba tshwarwa ka go lekana. Go setswe go tlhomilwe ditsela tse di farologaneng tsa go ikgolaganya ka eleketheroniki.
Kaedi e e bidiwang e setse e le teng mo Onlaeneng ya SARS mme maikaelelo a yona ke go araba dingongorego tse dintsi.
nomoro ya phetiso ya sephiri go go kgontsha go fitlhelela neteweke ya SARS.
khoutu ya tsamaiso e e go tlhaolang e e neetsweng setheo sa gago ke SARS.
khoutu ya modirisi e e go tlhaolang le nomoro ya phetiso ya sephiri e e go isang kwa sefareng ya difaele tsa SARS e go isiwang faele ya dinewa teng.
Tlisa difaele tsa dinewa tse di dirisiwang mo ditekong go go kgontsha go ntsha kgotsa go fitlhelela dikarabo tsa difaele tsa diteko go tswa go SARS.
Tiisetsa le Motsamaisi wa tsela ya go ikgolaganya ka tsela ya eleketeroniki wa SARS, fa o amogetse difaele tsa dinewa tsa diteko mme o tsenye tirisong tsela ya go ikgolaganya ka tsela ya eleketeronikika go amanya difaele tsa mmatota/tse di tshelang tsa dinewa.
SARS tsentse mo tirisong boemo jwa tirelo jo bo tla simololang mo dinyageng di le pedi . Fa o ikwadisa kgotsa o duela, SARS e ikaelela go tsamaisa ikwadiso ya gago ka nepagalo mo malatsing a le lesome a go dira.
Tirelo e ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Employmentinthepublicservice.2010-03-25.tn.txt</fn>
Diphatlatiro mo mafapheng a besetšhaba le a diporofense di tlatswa ka go thapa badiri ba ba dirang mo pusong kgotsa ka go laletsa dikopotiro go tswa mo go ba ba sa thapiwang mo Tirelong ya Setšhaba. Diphatlatiro tse di mo maemong a a kwa godimo, ke gore, tirelo ya bolaodi jo bo kwa godimo, di tshwanetse go phasaladiwa bosetšhaba fa go tshwanetse go thapiwa batho go tswa ka fa teng kgotsa kwa ntle ga Tirelo ya Setšhaba.
Go ya ka melawana, diphatlatiro di phasaladiwa mo Sekhulareng ya Diphatlatiro ya Tirelo ya Setšhaba e e kokoanngwang le go tlhagisiwa beke le beke ke Lefapha la Tirelo ya Setšhaba le Tsamaiso . Fa taletso ya go thapa e ka fetisediwa kwa bathong ba ba sa thapiwang ke Tirelo ya Setšhaba, lefapha la bosetšhaba kgotsa la porofense le tla phasalatsa diphatlatiro tse di jalo mo bobekgannyeng jo bo gatisitsweng.
Sekhulara ya Diphatlatiro ya Tirelo ya Setšhaba , e itsise badiri ba setšhaba ka ga diphatlatiro tse di ka fa teng ga Tirelo ya Setšhaba. Batho ba e seng badiri ba Tirelo ya Setšhaba, fela ba na le kgatlhego mo ditirong tse di phasaladitsweng, ba tshwanetse pele go batlisisa kwa lefapheng le le phasaladitseng gore a ba ka dira kopo. Dintlha tsa kgolagano tsa mafapha a a phasaladitseng a neetswe mo Sekhulareng.
Mafapha a mangwe jaaka Sesole sa Tshireletso, a ka go kopa go dira diteko tsa kalafi pele kopo ya gago e ka tswewa tsia.
Go bona tshedisetso go ya pele ka ga Lefapha la Tirelo ya Setšhaba le Tsamaiso.
Pagolola le go tlatsa Foromo ya Z83, Application for Employment go tswa mo go website ya DPSA. Gape o ka bona foromo e go tswa kwa lefapheng lefe kana lefe la bosetšhaba kgotsa la porofense.
Mametlelela curriculum vitae ya gago le dikhopi tse di tempilweng semmuso tsa borutegi jwa gago.
Romela foromo go lefapha le phatlatiro e leng kwa go lona.
Go tswa mo goreng lefapha le le maleba le latela kgato efe, o ka nna amogela lekwalo le le pakang gore kopo ya gago e gorogile.
<fn>GOV-ZA. EssentialServices.2010-03-25.tn.txt</fn>
Go kopa komiti ya ditirelo tsa botlhokwa go dira dipatlisiso go tlhomamisa fa tirelo yotlhe kgotsa karolo ya tirelo e le e e botlhokwa.
Tirelo e e botlhokwa e kaya tirelo eo, fa e ka emisiwa e ka tsenyang matshelo a batho mo kotsing kgotsa ya sitisa/kgoreletsa pholo ya batho.
a mothapiwa kgotsa mothapi o tshwaragane le tirelo e e kaiwang e le e e botlhokwa.
Setlhopha se se lebisang ngongorego kwa go komiti ya ditirelo tsa botlhokwa e tshwanetse go netefatsa gore khopi e go buiwang ka yona e neetswe ditlhopha tsotlhe tse di ngongoregang. Komiti ya ditirelo tsa botlhokwa e tshwanetse go tlhomamisa ngongorego ka bonako jo bo kgonegang.
Ditirelo tsa Palamente, Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa le Tirelo ya tsa Pholo ke ditirelo tse di botlhokwa.
Fa o batla go bona tshedimosetso e nngwe gape, e ya go Lefapha la Ditiro.
Tlatsa foromokopo ya LRA4.2, e e buang ka dingongorego go tlhomamisa gore ke tirelo e e botlhokwa.
Gokelela khopi ya setefikeite sa jaanong se se supang lekwalotetla mo foromokopong.
Khopi ya setlankana sa fekese sa se netefatsang; kgotsa bosupi bongwe jwa tirelo e e neetsweng.
Tirelo e ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. EssentialServicesCommittee.2010-03-25.tn.txt</fn>
Mothapi a ka nna a dira kopo ka go kwalela komiti ya ditirelo tse di tlhokegang go tla go netefatsa gore kgwebo yotlhe kgotsa karolo ya tirelo ya mothapi ke tirelo ya go tlamela.
Tirelo e kaiwa jaaka tirelo ya tlamelo fa kemiso ya tirelo eo, e na le nonofo ya go tlisa tshenyo e e bonwang ka matlho mo karolong nngwe le nngwe e go dirwang mo go yona, feketiri kgotsa metšhene.
Batho bangwe ba ba nang le kgatlhego, ba ka nna ba fetola ka go romela tsibogelo/phetolo ya bona mo malatsing a le 21, morago ga go amogela kopo, kwa go Ditirelo tse di Tlhokegang.
Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, e ya go Lefapha la Ditiro.
Tlatsa foromo ya LRA 4.
Khopi ya foromo e, e tshwanetse go neelwa lekoko le lengwe mme go netefatswe gore khopi ya foromo e e neetsweng lekoko le lengwe e neelwe ka go e gokelela:.
Khopi ya setlankana se se tswang kwa Posokantorong se tshwanetse go gokelelwa.
Khopi ya resiti e e saennweng fa e isitswe ka seatla e tshwanetse go gokelelwa.
Setatamente se se saenilweng se se netefatsang gore tirelo e, e dirilwe ke motho yo o tlisitseng foromo, se tshwanetse go tla le kopo.
Khopi ya setlankana se se netefatsang fa fekese e rometswe kgotsa bopaki bongwe le bongwe jo bo kgotsofatsang, bo ka gokelelwa.
Ga go na nako e e tsepameng e e beilweng, go tla laolwa ke lekoko le le dirang kopo ya ditirelo tse di tlhokegang.
Tirelo e, ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Exchangeofforeignlicence.2010-03-25.tn.txt</fn>
Dilaesense tsa go kgweetsa tse di rebotsweng kwa dinageng tse dingwe mme di dumelelwa mo Aforika Borwa di tla fetolelwa go mofuta wa dilaesense tsa dikarata fa beng ba tsona ba dira kopo ya laesense ya Aforika Borwa go ya ka Molao wa Bosetšhaba wa Pharakano ya Tsela , 1996.
Kopo ya go fetola tetla ya boditšhaba ya go kgweetsa e tshwanetse go tsamaya le laesense e e rebotsweng ke bothati jwa naga e sele.
Laesense ya naga e sele kgotsa tetla ya boditšhaba ya go kgweetsa e ka fetolelwa fela go laesense ya Aforika Borwa fela fa modirakopo e le moagi wa Aforika Borwa kgotsa a bone bonno jwa leruri.
Laesense ya naga e sele e tshwanetse go bo e sa ntse e dira ka letsatsi la go fetolwa mme e tshwanetse go bo e kwadilwe ka nngwe ya dipuo tsa semmuso tsa Aforika Borwa. Fa go se jalo, kopo e tshwanetse go go bo e na le phetolelo e e rebotsweng ke bothati jp bo nang le bokgoni.
Laesense ya naga e sele e tla se dire fa mong wa yona a simolola go nna monni wa leruri kgotsa a bona tetla ya boagi jwa leruri jwa Aforika Borwa.
boitshupo jo bo amogelegang jaaka bo tlhokwa ke molao wa Aforika Borwa , ID ya nakwana, phaseporoto e e dirang ya Aforika Borwa, kgotsa phaseporoto ya kwa nageng e nngwe e na le tetla ya bonno jwa leruri lekwalo go tswa go setheo se se bokgoni le le netefatsang gore laesense ya gago ke ya boammaaruri. Lekwalo leo le tshwanetse go tlhalosa maemo a laesense eo laesense ya kwa nageng e nngwe ditshwantsho tse nne tsa bogolo jwa ID tsa bontsho le bosweu.
Duela tlhwatlhwa e e beilweng.
Teko ya matlho e tla dirwa kwa lefelong leo pele phetolo e konosediwa.
Ela tlhoko: O ka se tsenele tlhatlhobo ya laesense ya go kgweetsa. Laesense yanakwana e e dirang dikgwedi tse thataro e rebolwa ka yona nako eo e bile ke mahala.
Paka ya go fetolwa ga laesense go farologana go ya ka mafelo a diteko ka ntlha ya ditiragalo tsa fa teng tsa boruni.
<fn>GOV-ZA. Exchangeprogrammepermit.2010-03-25.tn.txt</fn>
Phemiti ya kananyo e ka abelwa motswantle yo o tsayang karolo mo mananeng a setso, ekonomi le loago e e rulaganngwang kgotsa a tsamaisiwa ke bothati jwa puso ya kwantle kgotsa ya selegae, kgotsa ke setheo sa thuto e kgolwane ka tirisano le bothati jwa puso ya kwantle. Dira kopo ya tumelelo ya kananyo kwa embasing ya Aforika Borwa kgotsa kwa ntlong ya borongwa e e gaufi le wena.
Tlatsa foromo ya kopo BI-1738.
Isa phaseporoto ya tota ga mmogo le kopo ya gago.
Ntsha lekwalo go tswa mo setheong, mokgatlho kgotsa lelapa le o ikaelelang go dira lenane mo go lona mo Aforika Borwa, o tlhomamisa maemo le go nna teng ga lenane la kananyo. Lekwalo le tshwanetse go naya bosupi jwa gore o nonofile go ka ikwadisa kgotsa go tsaya karolo mo lenaneng la kananyo le gore re tlhagise gore setheo, setlamo kgotsa balelapa ba tla rwala maikarabelo fa o sentse o nna mo Aforika Borwa.
Batla lekwalo go tswa kwa setheong se se maleba sa puso kgotsa go tswa kwa mokgatlhong wa thuso ya ditšhelete mo nageng ya gaeno, le tlhomamisa maemo kgotsa go nna teng ga lenane la kananyo le Aforika Borwa, le ntlha ya gore o setse o amogetswe go ikwadisetsa lenane.
Dikopo di ka tsaya bontsi jwa malatsi a le 30.
<fn>GOV-ZA. Exportcertificateforliquor.2010-03-25.tn.txt</fn>
Bagwebi ba ba ratang thekisontle ya bojalwa ba ka ya mo websaeteng: www.dawineonline.co.za, mo ba tla fitlhelang manane a a ikaegileng mo inthaneteng a ka mo thekisontle e tsamaisiwang ka teng. Barekisantle ba tshwanetse go ikwadisa pele ba ka dirisa lenane le.
Go ikwadisa jaaka morekisantle, romela emeile kwa go rhonelb@nda.agric.za. Ba tla go romela tshedimosetso yotlhe ka emeile e e tlhokwang ke morekisantle yo o batlang go ikwadisa. O tla fiwa leina le le tla go kgontshang go bula lenane-thulaganyo ga mmogo le lefoko la sephiri le o ka le dirisang.
Dira dikopo tsotlhe mo laeneng.
Kumo nngwe le nngwe ya bojalwa e tshwanetse go direlwa kopo ya yona e e farologanang le tse dingwe mo dithotong, motswakong, matshwaong le mo dinomorong.
Morwalo wa bojalwa o tshwanetse go kgaoganngwa le merwalo e mengwe ya bojalwa. Sampole ya selekanyo sa dilitara di le 2, 25 e tshwanetse go ntshiwa mo morwalong wa bojalwa fa go utlwelelwa tatso ya bona. Disampole di tshwanetse go fitlha kwa dikantorong tsa Dikumo tsa bojalwa pele ga 16:00 ka Labobedi go tla go utlwa tatso ya bona ka Labone, le pele ga 16:00 ka Labone go tla go utlwa tatso ya bona ka Labobedi.
O tshwanetse go itsise Lekala la Tshekatsheko ya Boleng ya Lefapha la Temothuo mo mogaleng 021 809 1704 pele o pega dithoto mo senamelweng.
Fa o pega morwala mo senamelweng se setona, sampole ya taolo e e tshwanetseng go ntshiwa mo morwalong mongwe le mongwe ke . Fa go se na motlhatlhobi mo lefelong le go pegawng mo go lona, wena morekisantle o tla tshwanela ke go kga disampole tsa taolo mme o di ise kwa Lekaleng la Dikumo tsa Bojalwa kwa Stellenbosch.
O tshwanetse go itsise Lekala ka ga go pega mo nakong ya diura di le 48.
Jaaka badirisi ba ba rebotsweng, barekisantle kgotsa baemedi ba bona jaaka batsamaise ba dithoto , ba ka nne ba gatisa ditefikeiti tsa thekisontle ka bobona go tswa mo webosaeteng kgotsa ba ya go di tsaya kwa Lekaleng la Dikumo tsa Bojalwa kwa Stellenbosch.
Lekala la Dikumo tsa Bojalwa VI 1 ga mmogo le ditefikeiti tsa tshekatsheko.
Tshekatsheko ya merwalo ya thekisontle morago ga diura tsa tiro: R520 ka ura kgotsa bongwe ba yona.
Dira kopo mo inthaneteng.
<fn>GOV-ZA. Exportembryos.2010-03-25.tn.txt</fn>
Go tlhokega phemiti go tswa kwa go Mokwadise wa Tokafatso ya Diphologolo pele o ka dira thekisontle ya diphologolo kgotsa dire tsa bolosika jaaka pelwana , popelo kgotsa moroto wa senna go tswa mo Aforika borwa. Mokgatlho o o maleba wa barui kgotsa bothati jwa go kwadisa ba tshwanetse go atlanegisa thekisontle ya mothale o.
Dikopo di tshwanetse go romelwa go Mokwadise malatsi a ka nna 30 pele thekisontle e dirwa.
Pagolola foromo mo websaeteng mme o e tlatse gotlhe. Foromo e ka nne ya kopiwa gape go tswa go Mokwadise wa Tokafatso ya Diphologolo.
Diforomo tse di sa tladiwang ka botlalo di tla busediwa morago kwa go beng ba tsona.
Mametlelela setefikeiti sa ngaka ya diphologolo yo e leng motlhankedi yo o tla netefatsang gore setefikeiti sa boitekanelo se se batlang ke naga e e dirang thekontle ke se se maleba.
O tshwanetse go romela madi a a lekaneng fa o romela kopo nngwe le nngwe. Ditsheke tsotlhe le dipousetaleota di tshwanetse go romelwa go: Director-General: Agriculture.
Diforomo di tshwanetse go romelwa go mokgatlho barui o o maleba kgotsa bothati jwa ikwadiso go dira dikatlenegiso.
Kopo e ka rebolwa mo malatsing a le 30.
<fn>GOV-ZA. Exportpermits.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tumelelo ya thekisontle e a tlhokega go netefatsa gore motho kgotsa setlamo se se ikaelelang go dira thekisontle ya dithoto ba latela melawana e e beilweng ya dikutlwano tsa boditshabatshaba tse di beilweng. Ditumelelo tsa thekisontle di thusa gape ka togamaano ya taolo ya go ntshiwa ga dithoto le go lemoga dithoto tsa bogodu le tse di rekisiwang ka bokhukhuntshwane.
Pholisi ya dithekontle le dithekisontle tsa dithoto e e dirisiwang e farologana go tswa mo lekokong go ya go le lengwe. Ntlha e nngwe ke gore, dithoto tse dintshwa ka bontsi, di golotswe mo dikgatong tsa taolo ya dithekontle. Ka jalo, fa o tlhoka tshedimosetso malebana le pholisi ya dithekontle le dithekisontle tsa dithoto tse di rileng, tswee-tswee, ikgolaganye le ofisi ya Taolo ya Dithekontle le Dithekisontle e e leng kwa Lefapheng la Dikgwebo le Intaseteri.
Ga se dithoto tsotlhe tse di tshwanetseng go tlhatlhobiwa ke ba taolo ya dithekontle le dithekisontle. Le fa go ntse jalo, dithoto tsotlhe tse di dirisitsweng, tsa masalela ga mmogo le dikgeregere di tshwanetse go tlhatlhobiwa ke ba taolo ya thekontle. Go na le lenane la dithoto tse di tshwanetseng go feta ka fa tlase ga taolo ya dithekontle le dithekisontle . Fa o ka naya ba Lefapha dintlha tsa gago tsa bodirelo, diaterese le mogala wa gago, lenane le ka romelwa kwa go wena, la fekesiwa kgotsa la romelwa ka emeile.
Ikgolaganye le ba Taolo ya Dithekontle le Dithekisontle mo Lefapheng la Dikgwebo le Intaseteri.
Tlatsa diforomo tsa kopo tse o tla di bonang go tswa kwa Lefapheng la Dikgwebo le Intaseteri.
Go ka tsaya malatsi a le mararo go konosetsa kopo ya gago ya tumelelo ya dithekisontle.
Tirelo e ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Exportplantsandplantproducts.2010-03-25.tn.txt</fn>
Barekisantle ba dijalo le dikumo tsa dijalo ba tshwanetse go fiwa phemiti ya tsholo ya dijalo le dikumo tsa dijalo go tswa kwa go Basireletsi ba Dijalo ba Bosetšhaba ya naga e ba romelang dijalo kwa go yona ga mmogo le setefikeiti sa tsholo ya dijalo go tswa go NPPO mo Aforika borwa.
Batla tshedimosetso go tswa go Moreki wa ntle kgotsa moemedi go tswa kwa nageng e e rekang gore a go tlhalosetse maemo a thekontle ya dijalo kwa nageng ya gaabo. NPPO ya mo Aforika borwa e ka go naya tshedimosetso malebana le se.
Moemedi kgotsa Moreki wa ntle go tswa nageng e e rekang o tshwanetse go dira kopo ya go fiwa phemiti ya thekontle go tswa go NPPO ya naga ya gaabo. Melawana ya thekontle e kwadilwe mo phemiting ya thekontle.
Ka tirisano le NPPO ya mo Aforika borwa, ba ka kgona go netefatsa gore wena morekisantle o kgotsofatsa ditlhokego tsotlhe tsa go thekontle.
Fa ditlhokego tsotlhe tsa thekontle di diragaditswe, Moreki wa ntle a ka dira kopo ya setefikeiti sa tsholo ya dijalo go tswa go NPPO ya mo Aforika borwa.
Morekisantle o tshwanetse go tlhagisa dithoto tse a batlang go di rekisa go NPPO ya Aforika borwa gore ba tle ba kgone go di sekaseka le go di ntshetsa setefikeiti.
NPPO ya Aforika borwa e tla aba setefikeiti sa tsholo ya dijalo fa dithoto di kgotsofatsa ditlhokego tsa thekontle tsa naga e e rekang.
Dithoto di tshwanetse go romelwantle mo nakong ya malatsi a le 14 morago ga go tlhatlhobiwa.
Setefikeiti sa tota se tshwanetse go tsamaya le dithoto.
Fa dijalo kgotsa dikumo tsa dijalo tse di romelwang ntle di goroga kwa lefelo bogorogelo kwa nageng e e rekang, batlhatlhobi ba dijalo ba NPPO ba naga e e rekang ba tla di amogela go di sekaseka le go di tlhatlhoba..
Moemedi kgotsa Moreki wa ntle o tshwanetse go baakanya ditokomane tsotlhe le batlhankedi ba lekgetho ba naga e e rekang kwa lefelo bogorogelong.
Nako e e tsewang go konosetsa kabo ya setefikeiti sa tsholo ya dijalo e laolwa ke thulaganyo ya thekisontle ya kumo e e riileng le naga e e rekang.
<fn>GOV-ZA. Fingerprintsclearance.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tirelo e, e ka bonwa ke batho ba ba batlang tlhomamiso ya boemo jwa bona jwa melato ya bosenyi mo mabakeng a phalalo kgotsa mo mabakeng a go ya go dira kwa moseja wa mawatle mo nakong e telele.
Le fa e le gore kgatisomenwana e tla diriwa mo seteišeneng sa mapodisi sa mo gae, go lokololwa goo le go ntshiwa ga setifikeite go diriwa ke Lefelo la Tshedimosetso la Direkoto tsa Bosenyi/melato kwa Pretoria fela.
Neela ka kgatisomenwana yotlhe, e o ka e dirang mo seteišeneng sa mapodisi se se gaufi le wena, gore e isiwe kwa Lefelo la Tshedimosetso ya Direkoto tsa Bosenyi/melato . Netefatsa gore maina a gago ka botlalo, sefane, letsatsi la matsalo, lefelo la matsalo le nomoro ya gago ya lekwalotshupo/pasa tsotlhe tse , di kwadisitswe mo foromong ya kgatisomenwana.
Tsaya lekwalotshupo/pasa ya gago fa o ya kwa seteišeneng sa mapodisi jaaka netefatso ya tshupo/tlhaolo ka gore e tlile go batliwa.
Tsweetswee, etla tlhoko gore diteišene tse dingwe tsa mapodisi di ka amogela dikopo tsa go nna jalo mo nakong ya diura tsa tiro fela.
Baagi ba mo Aforika Borwa ba ba nnang kwa ntle ga naga ba ka nna ba kopa mo seteišeneng sengwe le sengwe sa mapodisi mo nageng eo kgotsa kwa embasing. Kgatisomenwana e ka diriwa mo foromong ya semmuso mo nageng yona eo e e rileng. Foromo e ya kgatisomenwana e tshwanetse go saenwa ke motho yo o dirang kgatisomenwana Sete yotlhe ya kgatisomenwana e e feleletseng ga mmogo le khopi ya lekwalotshupo/pasa kgotsa phaseporoto e tshwanetse go tsamaya mmogo le kopo.
Seteišene sa mapodisi se tla romela kopo kwa Lefelong la Tshedimosetso ya Direkoto jwa Bosenyi/melato.
Tuelo ya tirelo e ka diriwa kwa tšheke ya banka e e netefaditsweng kgotsa ka otara ya madi go ya ka Moikanisi wa Bosetšhaba mo Tirelong ya Sepodisi mo Aforika Borwa.
Setifikeite sa kgololo sa sepodisi se ka ntshiwagape kwa ntle ga tuelo epe fa e le gore se kopiwa mo dikgweding di le thataro morago ga go amogela sa tshimologo. Ka gonne disetifikeite di bewa mo direkotong nako ya dikgwedi di le robong fela, kopo e ntšhwa e tshwanetse go tlisiwa morago ga fa dikgwedi di le robong di se na go feta.
Setifikeite se ka ntshiwa mo malatsing a le 28 a nako ya tiro. Setifikeite se se batliwang se tla romelwa kwa go mokopi ka poso e e tlwaelegileng, kwa ntle ga fa e le mokopi yo o dirileng dithulaganyo go tla go tsaya ditokomane tseo ka boena kgotsa ka tirelo ya Khoria e e tsamaisang dilo ka bonako . go tswa kwa Lefelong la Tshedimosetso ya Direkoto tsa Bosenyi/melato.
Go ntshiwa gape ga setifikeite mo dikgweding di le thataro ga go duelelwe.
Diforomo tse di nepagetseng tsa kgatisomenwana di tladiwa ke moemedi wa sepodisi.
<fn>GOV-ZA. Firearmlicence.2010-03-25.tn.txt</fn>
Pele o ka nna le tlhobolo, o tshwanetse go bona lekwalotetla la ditlhobolo go tswa go Tirelo ya Sepodisi mo Aforika Borwa. O tlhoka go nna le lekwalotetla/laesense la tlhobolong nngwe le nngwe e o nang le yona.
Beng ba ditlhobolo ba nako e e tlang ba tshwanetse lwa ntlha, go falola teko ya katiso e e tlhomilweng kwa setheong sa katiso se se neelang makwalotshupo, mme ba kgone go bona setifikeite sa bokgoni. Lenaneo la ditheo tsa katiso tse di neelanang ka makwalotshupo di ka bonwa mo webosaeteng ya SAPS kgotsa o ka nna wa leletsa Lefelo la SAPS la Bosetšhaba la Ditlhobolo mo o ka bonang tshedimosetso teng, mogala ke 012 353 6111 kgotsa fekese: 012 353 6036.
O tshwanetse wa fetsa teko e e tlhomilweng ka katlego go netefatsa gore o na le kitso ya Molao o o Laolang Ditlhobolo wa 2000, mo mothelesing wa katiso o o neelanang ka makwalotshupo.
Mo kamogelong ya setifikeite go tswa mothelesing wa katiso o o neelang ka makwalotshupo kgotsa SASSETA , dira kopo mo Tirelong ya Sepodisi mo Aforika Borwa, gore e go neye setifikeite sa bokgoni. Tlatsa foromo ya SAPS 517.
Morago fa o se na go amogela Setifikeite sa Bokgoni, tlatsa karolo e e botlhokwa mo foromong ya SAPS 271 Tlisa foromo eo kwa go Motlhankedi yo o Tlhophilweng wa Ditlhobolo kwa seteišeneng sa mapodisi se se gaufi le fa o nnang teng.
tokomane ya boitshupo/lekwalokao/pasa ya gago ya semmuso ya tshimologo.
setifikeiti sa Bokgoni sa tshimologo lekwalo la peelano jaaka modirigatsi, fa e le gore tlhobolo eo ke boswa ditshwantsho tsa mmala di le pedi tse di bonalang, tsa go lekana le tsa phaseporoto, tse di sa nnang sebaka sa go feta dikgwedi di le tharo.
Tshegetsa kopo ya gago ka botlalo, mme o bo o tlisa ditokomane go tshegetsa kopo ya gago.
DFO e tla dira kgatiso ya menwana e e feleletseng mo foromong ya SAPS 91.
DFO e tla go ntshetsa setlankana sa thomelo ya madi , mme a go laetse kwa Kantorong ya Matlole kwa seteišeneng sa mapodisi go ya go duela teng tuelo e e tlhomilweng. Tueleo e tshwanetse go diriwa ka kgonotlamelo ya go ntsha madi mo letsogong kgotsa ka tšheke ya banka e e netefaditsweng . O tla neelwa resiti ya ditshenyegelo jaaka netefatso ya gore o duetse. Morago o tshwanetseng go e isa kwa go DFO go mo thusa go tswela pele go diragatsa kopo ya gago.
O tla amogela resiti e e saenilweng e e supang kamogelo jaaka netefatso ya gore o tlisitse kopo ya lekwalotetla/laesense gore o nne le tlhobolo/sethunya.
DFO e tla romela foromo ya kopo, ga mmogo le ditokomane tse di tshegetsang, go ya kwa Borakanelong jwa Kwadiso a Ditlhobolo gore di sekasekiwe. Morago ga tshekatsheko ya kopo e e atlegileng, DFO e tla go kopa gore o tlhome polokelo ya tlhobolo/sethunya mo malatsing a le 14, polokelo eo ya tlhobolo/sethunya e tshwanetse go fitlhelela boemo jo bo beilweng ke Biro ya Boemo ya Aforika Borwa DFO e tla dira tlhatlhobo ka boyona mo lefelong le o nnang mo go lona go netefatsa fa ka tota o fitlheletse ditlhokego tsa go nna le polokelo ya tlhobolo/sethunya. Fa o sena go amogela resiti ya Pegelo ya Tlhatlhobo ya Polokelo e e atlegileng, lphemiti/laesense ya gago e tla romelwa kwa go wena.
<fn>GOV-ZA. Fireprotectionassociations.2010-03-25.tn.txt</fn>
Mekgatlho yotlhe ya Tshireletso ya Molelo e tshwanetse go ikwadisa le Lefapha la Merero ya Metsi le Dikgwa.
Badirakopo botlhe ba ba eletsang go ikwadisa ba ka kopiwa go kgotsofatsa maemo a a rileng e ka nna pele kgotsa morago ga go ikwadisa. Seno se akaretsa gape maemo a a kailweng mo tlhabololong ya molaotlhomong wa Mekgatlho.
Go ka kwadisiwa Mokgatlho wa Tshireletso ya Molelo o le mongwe fela mo tulong e e rileng.
Tlatsa foromo mme o e ise kwa kantorong e e fa gaufi ya DWAF.
Kopo ya gago e tla sekasekwa mme fa e ka rebolwa, lefapha le tla go itsise gore o tlatse Foromo ya bobedi: Kopo ya kwadiso ya mokgatlho wa tshireletso ya molelo.
Tlatsa mme o ise Foromo ya bobedi kwa kantorong e e fa gaufi le wena ya Lefapha la Merero ya Metsi le Dikgwa.
Kopo ya gago e tla sekasekiwa gape, mme fa e rebotswe, lefapha le tla go neela setifikeiti sa go ikwadisa.
dintlha ka motlhatlhobiwa wa mokgatlho wa tshireletso ya molelo dintlha tsa motho yo o tshisinyang kwadiso ya motlhatlhobiwa wa mokgatlho wa tshireletso ya molelo tlhomamiso ya gore ga go mong yo o tlogetsweng ka mabomo mo dikopanong le dipuisanong mabapi le go tlhomiwa ga mokgatlho wa tshirelesto ya molelo dintlha ka ga bolaodi jwa motlhatlhobiwa jwa kgaolo ya mokgatlho wa tshireletso ya molelo tlhomamiso ya gore ga go na mokgatlho o mongwe wa tshireletso ya molelo o go ikaelelwang go tlhomiwa kgotsa o o leng teng gaufi le kgaolo ya motlhatlhobiwa wa mokgatlho wa tshireletso ya molelo tlhomamiso ka motho yo o tshisintseng tlhomo ya mokgatlho wa tshireletso ya molelo katlanegiso ka moemedi yo o maleba wa puso ya selegae katlanegiso ka moemedi wa kgaolo wa lefapha la merero ya metsi le dikgwa tlhomamiso ka motsamaisimogolo wa kgaolo wa Lefapha la Merero ya Metsi le Dikgwa.
Ga e a tshwanela go tsaya malatsi a le 30 a go dira go sekaseka kopo ya gago le go kwadisa mokgatlho fa tshedimosetso yotlhe e batlegang e neetswe.
Tirelo e ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. ForfishVessel.2010-03-25.tn.txt</fn>
Sediriswa sa seeng sa go thaya ditlhapi ke sa motho yo e seng moagi wa Aforika Borwa, k.g.r. motswantle mme se kwadisitswe ka fa tlase ga Naga ya Folaga e nngwe e e seng Rephaboliki ya Aforika Borwa. Ke fela ka fa tlase ga maemo a a kgethegileng mo sediriswa se se ka hiriwang kgotsa sa dirisiwa ka fa tlase ga konteraka ke Motshola-Tshwanelo wa Aforika Borwa go nna le seabe mo ditiragalong tsa go thaya ditlhapi mo teng ga Lefelo le le Kgethegileng la Ikonomi kgotsa mo metsing a boditšhaba ka fa tlase ga folaga ya RSA.
Ga go sediriswa sa seeng se se tla newang laesense ya go thaya ditlhapi ya Aforika ntle fela le ka fa tlase ga kopanelo le Motshola-Tswanelo wa Aforika Borwa. Pele o ka nna le seabe mo ditiragalong tsa go thaya ditlhapi, o ka ikgolaganya le Lefapha la Merero Tikologo le Bojanala go sekaseka gore a go hiriwa ga sediriswa sa seeng go ka letlwa mo lekaleng le le rileng la go thaya ditlhapi le gore ke ditlankana dife tse di tlhokegang gore kopo e e ntseng jalo e atlege.
Fa go bonala go na le tshegetso ya tiriso ya sediriswa sa seeng modirakopo o tshwanetse go bona foromo ya kopo ya laesense ya sedirisa sa seeng kwa kantorong e e gaufi ya Lefapha la Merero Tikologo le Bojanala.
leina la sediriswa sa go thaya ditlhapi leina le dintlha ka botlalo tsa mong wa sediriswa maatla a enjene ya sediriswa se boleele ga mmogo le mothamo wa sediriswa nomoro kwadiso ya sediriswa leina la Naga ya Folaga e sediriswa se kwadisitsweng ka fa tlase ga yona setifikeiti sa pabalesego se se diragang go tswa go Naga ya Folaga.
Sediriswa se tla sekasekelwa tshiamelo ya lewatle ke Bothati jwa Pabalesego ya Mawatle jwa Aforika Borwa ka ditshenyegelo tsa mong.
Didiriswa tsotlhe tsa seeng di tshwanetse go nna le INMARSAT C VMS tse di dirang tse di ikarabelang go Botsamaisi jwa Mawatle le Mabopo . Karolo ya Ditiro ya Botsamaisi jwa Mawatle le Mabopo e tshwanetse go netefatsa se.
Mo kopong ya gago, supa lekala la go thaya ditlhapi le sediriswa se se tla bewang mo go lona le paka ya go bewa ga sona.
sediriswa se dumeletswe go thaya ditlhapi mo metsing a Aforika Borwa sediriswa ga se ise se nne le seabe mo tiragalong ya go thaya ditlhapi e e seng mo molaong, e sa Lekanyediwa e bile e sa Begwa bothati jwa go Thaya Ditlhapi jwa Aforika Borwa bo ka se tseye maikarabelo a go tlhokomela sediriswa bothati jwa go Thaya Ditlhapi jwa Aforika Borwa bo tla tsaya maikarabelo a go bega go tshwara go Mekgatlo ya Botsamaisi jwa go Thaya Ditlhapi jwa Didika fa go tlhokega go ya ka RFMOs dipalopalo tsotlhe tsa ditlhapi tse di tshwerweng, e ka tswa e le mo teng ga EEZ ya Aforika Borwa kgotsa mo Mawatleng a a kwa Godimo, e tla nna ga Aforika Borwa mo pakeng yotlhe ya tumalano ya khiro sediriswa sa seeng se tla thaya ditlhapi ka fa tlase ga melawana le dipeelo tsa tetla ya Aforika Borwa.
Fa sediriswa se e se sediriswa se se tlhophilweng go ya ka tiragalo ya go rebola ditshwanelo, modirakopo o tshwanetse go tlatsa foromo ya kopo ya phetisetso ya sediriswa. Gore sediriswa se dumelelwe go thaya ditlhapi, modirakopo o tshwanetse go tlatsa foromo ya kopo ya tetla ya go tshwara go ya ka lekala se sediriswa se yang go thaya ditlhapi mo go lona.
Sa bofelo, fa modirakopo a bonela pele gore sediriswa se tla thaya ditlhapi le mo Mawatleng a a kwa Godimo ka paka ya khiro, gone o tshwanetse go tlatsa le foromo ya kopo ya Mawatle a a kwa Godimo.
Kopo ya go dirisa sediriswa sa seeng e ka tsaya matsatsi a le 14 go lebilwe tiragatso e e maleba ya kopo.
<fn>GOV-ZA. Framework_setswana.2010-03-25.tn.txt</fn>
Puo ya motho ke "karolo ya motho" ka mekgwa e mentsi; mpho ya tlholego ya motho yo mongwe le yo mongwe, e re tlhagisang ditsholofelo le megopolo ya rona, go tlhagisa dikakanyo le mesola ya rona, go sekaseka maitemogelo le ditso tsa rona, le go aga setšhaba sa rona le melao e e se laolang. Ke ka puo re dirang jaaka batho mo lefatsheng le le fetogetseng ruri. Tshwanelo ya go dirisa dipuo tsa semmuso tse re di ratang ka jalo e amogetswe mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo, mme le Molaotheo wa rona o amogela gore dipuo tsa batho ba rona ke didiriswa tse di tshwanetseng go somarelwa.
Ke motlotlo thata ka gore, morago ga thulaganyo ya ditherisano tse di tseneletseng, kwa bofelong re kgona go itsise letlhomeso la pholisi ya puo la Aforika Borwa. Se ke konotelo ya thulaganyo e e simolotseng ka 1995, fa ke ne ke supa Setlhopha sa Thulaganyo sa Puo (LANGTAG) go nkeletsa ka ga letlhomeso la pholisi le leano le le kitlaneng la puo. Kgato e e ne e le botlhokwa ka ntata ya go tlhoka go itshokelana ga dipharologano tsa dipuo, mme go nna teng ga "tiriso ya dipuo tse dintsi ke bothata jo bo tlhwatlhwagodimo" jo bo bonagalang mo maphateng a mangwe a setšhaba, le koketsego ya ngongorego go tswa go beng ba puo ka ga mokgwa wa tiriso ya puo e le nngwe mo Aforika Borwa.
Letlhomeso la Bosetšhaba la Pholisi ya Puo le ikaegile ka poelo ya thulaganyo ya ditherisano tsa rona, ka LANGTAG le ka maiteko a Lefapha la me ka tirisano le Phanele Keletso ka ga Pholisi ya Puo. Letlhomeso la pholisi le botlhokwa mo tsamaisong ya dipuo tsa rona tse di farologaneng le phitlhelelo ya mmuso ka maikaelelo a ona go tsweletsa demokerasi, bosiamisi, tekatekano le kopano ya setšhaba. Ke ka mowa o e leng gore tsweletso ya dipuo tsotlhe tse di 11 tsa semmuso tsa naga ya rona jaaka go tlhagisitswe ke Molaotheo go nna botlhokwa mo pholising.
Letlhomeso la Pholisi gape le amogela ntlha ya gore mosola wa dipuo tsa rona o tlhomamisiwa segolo thata ke tiriso ya tsona mo ekonoming, mo loagong le mo polotiking. Fa puo e latlhegelwa ke mosola mo mefameng e, maemo a puo a fela. Letlhomeso la Pholisi gape le lemoga gore re lebagane ke kgwetlho ya bogotlhe jwa lefatshe le gore dipuo tsa rona tsa tlhago di tshwanetse go nna karolo ya tikologo e e golang ya thekenoloji. Ka moo le ikaelela go netefatsa maemo le tiriso ya dipuo tsa tlhago tsa Aforika Borwa.
Ke solofela gore maAforika Borwa otlhe a tla amogela Letlhomeso le la Bosetšhaba la Pholisi ya Puo jaaka la bone. Ke dumela gore rotlhe re tshwanetse ke go netefatsa gore pholisi e nna nnete mo matshelong a rona, le go netefatsa mokgwa wa maAforika Borwa o o tshwanang o le esi mme e re dire motlotlo.
Bokana ka 25 jwa dipuo di buiwa mo Aforika Borwa, tse di 11 tsa tsona di neeilwe maemo a semmuso go ya Karolo 6 ya Molaotheo wa 1996 (Molao No. 108 wa 1996), ka mabaka a gore tiriso ya tsona e akaretsa bokana ka 98% tsa setšhaba sotlhe.
Dipuo tse di 11 ke Setebele, Sethosa, Sezulu le Seswati (tse di itsegeng jaaka setlhopha sa dipuo tsa Senguni); Sesotho, Sepedi le Setswana (tse di itsegeng jaaka setlhopha sa dipuo tsa Sotho); Sevenda, Setsonga, Seesimane le Seburu.
Aforika Borwa ke naga ya dipuo tse dintsi. Ntlha e e gakgamatsang ka ga tiriso ya dipuo tse dintsi mo Aforika Borwa ke lebaka la gore dipuo tse di mmalwa tsa tlholego di buiwa go kgabaganya melelwane ya diporofense, e e kopanetsweng ke ditšhaba tse di tswang mo diporofenseng tse di farologaneng.
Gone jaanong go na le temogo e e tiileng ya botlhokwa jwa go matlafatsa maiteko a go tlhabolola dipuo tsa tlholego tse pele di neng di ikgatholositswe le go tsweletsa tiriso ya dipuo tse dintsi fa e le gore maAforika Borwa a tshwanetswe go gololwa go tswa mo go ikaegeng ka tiriso ya dipuo tse e seng tsa tlholego jaaka dipuo tse di tlhagelelang ka magetla tsa semmuso.
Morago ga dingwaga di le 8 tsa demokerasi, Aforika Borwa jaanong e fitlhile mo setlhoeng sa bothata mo historing ya yona. MaAforika Borwa a tshwanetse go tsibogela dipharologano tsa dipuo le setso sa bona le dikgwetlho tsa tiriso ya dipuo tse dintsi, ke ka moo go tlhagisitsweng Letlhomeso le la Bosetšhaba la Pholisi ya Puo.
Letlhomeso la Pholisi ga le tlhotlheletse fela molebo o mošwa mo tirisong ya dipuo tse dintsi mo Aforika Borwa, fela le rotloetsa tiriso ya dipuo tsa tlholego jaaka dipuo tsa semmuso le go gatelela le go tsweletsa kitlano ya setšhaba. Le akanyetsa kamogelo e e sephara ya dipharologano tsa dipuo, tshiamo ya loago, theo ya phitlhelelo ya ditirelo le manane a setšhaba ka tekatekano, le tlotlo ya ditshwanelo tsa puo.
1.18 Tokomane e, e tlhagisa letlhomeso le le kgontshang tebang le thulaganyo e e kitlaneng ya tiriso ya dipuo tse dintsi go ya ka Molaotheo.
Fa e sale go tswa ka kgorogo ya Maholannere mo Aforika Borwa ka 1652, ka dipaka tsa tatelano tsa puso ya Boritani, Kopano ya Aforika Borwa, le go theiwa ga puso ya kgethololo le Rephaboliki ya Aforika Borwa go fitlha go goroga demokerasi ka 1994 le dikaelo tsa Molaotheo ka ga tiriso ya dipuo tse dintsi tsa semmuso, pholisi ya mmuso ya puo le babusi ba ba maatla ba reteletswe ke go amogela dipharologano tsa puo.
Maemo a, a tlhodile go se lekalekane ga dipuo mme phekeetso ya Seesimane le Seburu e tlhodile dikamano tse di sa lekalekaneng magareng ga dipuo tse le dipuo tsa maAforika.
Ka jalo, dipholisi tsa puo tsa bokoloniale le kgatelelo, ga mmogo le dipholisi tsa sepolotiki, loago le ekonomi, di tlhodile tlhatlhamano ya dipuo, go se lekalekane go go bontshiseng ditlhopha tsa go se lekalekane ga bomorafe le ditlhopha tse di sa lekalekaneng mo setšhabeng sa Aforika Borwa.
Ditiro tsotlhe tse di tlhodile ditlamorago tsa maemo a dipuo tsa tlholego le mefuta e e farologaneng ya dipuo tsa maAforika le ditlhopha tse dingwe tse di kgaphetsweng thoko tse di akaretsang Disusu le Difofu - go etleetsa megopolo e e fosagetseng ka ga dipuo tsa seAforika , megopolo e e sa tshwarwang fela ke babui ba Seesimane le Seburu, fela le ke babui ba bantsi ba dipuo tsa seAforika.
Maemo a, a etegediwa ke ntlha ya gore ditheo tsa setšhaba le tsa poraefete di na le mokgwa wa go tsaya ditshwetso tsa nakwana tse di kgatlhanong le dikaelo tsa molaotheo le ditlhokego tse di amanang le dipuo ka ntlha ya go bonela fa gaufi le mekgwa ya tsamaiso e e kgatlhanong le tiriso ya dipuo tse dintsi.
Karolo 6 ya Molaotheo e tlamela letlhomeso lelegolo la semolao la tiriso ya dipuo tse dintsi, tlhabololo ya dipuo tsa semmuso le tsweletso ya tlotlo le itshokelano ya dipharologano tsa dipuo tsa Aforika Borwa. E tlhomamisa ditshwanelo tsa puo tsa baagi, tse di tshwanetseng go tloliwa ka dipholisi tsa puo tsa bosetšhaba.
Molaotheo o gatelela gore dipuo tsotlhe tsa semmuso di tshwanetse " go newa tlotlomatso e e lekanang" e bile di tshwanetse go tsewa ka tekatekano, ka go dira jalo go tsholediwa maemo le tiriso ya dipuo tsa tlholego, le puso e dirisa peomolao le dikgato tse dingwe go laola le go tlhokomela tiriso ya dipuo tsa tlholego tse di kgapetsweng kwa thoko.
Molaotheo o laela gore go nne le diphetogo mo mabakeng a puo go ralala naga, o neela kamegelo ya loago le ya sepolotiki go ditlhopha tsa dipuo tse go fitlheng jaanong di ntseng di ikgatholositswe ka ntlha ya "ditlhokego tse di tlhagisitsweng tsa setšhaba le ditlhopha tse di nang le kgatlhego".
Karolo 6(2) ya Molaotheo e batla mekgwa e e ka tsentshwang tirisong go tlhabolola dipuo tse tsa tlholego.
Karolo 6(3) le (4) e na le ditshiamelo tse di amanang le puo tebang le puso ya bosetšhaba le dipuso tsa diporofense, fa mafapha a puso a tshwanetseng go dirisa bonnye dipuo di le pedi tsa semmuso.
Go tsweletsa dipharologano tsa puo go ya pele, karolo 6(5) e letla go tlhamiwa ga Lekgotla la Dipuo Tsotlhe tsa Aforika Borwa (PanSALB) go tsweletsa tiriso ya dipuo tse dintsi le go tlhokomela tlhabololo le tiriso e seng fela ya dipuo tsa semmuso, mme le dipuo tsa seKhoi, seNama le seSan, gammogo le Puo ya Diatla ya Aforika Borwa kgotsa Dipuo tsa Diatla tsa Aforika Borwa. Gape PanSALB e tla rotloetsa tlotlo ya Dipuo tsa Ngwao-Boswa tse di buiwang ke dikarolo dingwe tsa setšhaba le dipuo tse di dirisediwang mabaka a bodumedi.
Ditshiamelo tse dingwe tse di malebana le mabaka a puo di dirwa felo gongwe mo Molaotheong. Karolo 9(3) e sireletsa kgatlhanong le kgethololo e e sa siamang ka ntlha ya mabaka a puo, fa karolo 30 le 31 (1) e bua ka ga ditshwanelo tsa batho go ya ka setso, bodumedi le go nna le seabe mo puong le boithabiso. Karolo 35(3) le (4) e bua ka ga ditshwanelo tsa puo tsa batho ba ba tshwerweng, ba ba tlhatlhetsweng le ba ba latofaditsweng ka kgatelelo e e rileng ka ga tshwanelo ya tsheko e e lolameng le ditsamaiso di dirwa kgotsa di ranolelwa mo puong e motho yoo a e itlhophelang.
Lefapha la Thuto (DoE) le tlhagisitse Pholisi ya Puo mo Thutong (PPT) e e gatelelang tiriso ya dipuo tse dintsi jaaka katoloso ya dipharologano tsa setso le karolo e e tletseng ya go aga Aforika Borwa e e se nang bomorafe. Theo e e botlhokwa ke go tshola puo ya kwa gae ya moithuti mabapi le thuto le go ithuta, gape le go rotloetsa baithuti go ithuta dipuo tse dingwe. LiEP e dirana le dintlha tse di jaaka (di)puo tsa thuto le go ithuta mo dikolong tsa setšhaba, kharikhulamo ya sekolo, le ditiro tse di amanang le mafapha a thuto a diporofense le makgotlatsamaiso a dikolo.
Molaotheo le peomolao tse di amanang di rotloetsa tsweletso ya tiriso ya dipuo tse dintsi mo Aforika Borwa. Letlhomeso le la pholisi ka jalo le tshwanetse go akaretsa tetlanyo ya pholisi ya dipuo mo maemong a mararo a mmuso le go tlhalosa mabaka a a tlhomameng ka ga pholisi maemo le tiriso ya dipuo tsa tlholego tsa semmuso mo diporofenseng tsotlhe tse di robongwe mo Aforika Borwa.
Pholisi ya puo e akanyetsa ditshiamelo tsa molaotheo ka ga tiriso ya dipuo tse dintsi, mme e dumalana le maikemisetso a mmuso tebang le kgolo ya ekonomi, loago, polotiki le thuto.
netefatsa paakanyo tebang le dipuo tsa tlholego tsa semmuso tse pele di neng di kgaphetswe kwa thoko.
tsweletso ya tsamaiso e e siameng ya puo go direla setšhaba ka bokgoni go kgotsofatsa ditsholofelo le ditlhokego tsa badirelwa.
Tlhatlosa maemo a batho mo go itepatepanyeng le dikgatlhegelo, ditlhokego le diphegelelo tsa ditlhopha tsa dipuo tse di farologaneng ka dipuisano le dikganetsano tse di tsweletseng.
Tsweletso ya tiriso ya dipuo tse dintsi mo Aforika Borwa e batla maiteko a a sa nyatseng kitso e e leng teng mo setšhabeng mo dipuo tsa tlhago tsa semmuso di tlhagelelang thata. Se se tla bebofadiwa ke tiriso le go akaretsa setšhaba jaaka badirammogo mo thulaganyong ya tlhabololo ya puo.
Go tlilwe go solofelwa go dirisa baitsianape ba puo go thusa thulaganyo ya tlhabololo ya manane a tiriso ya dipuo tse dintsi ka ditlhotlhomiso le phasalatso ya diphitlhelelo.
Go bebofatsa tirisano le go amogetsana maikarabelo magareng ga maloko a SADC go tlile go itlhaganedisa tlhabololo ya puo.
Go tlile go tlhokagala go sekaseka dipholisi, ka dipaka tse di siameng, go tlhokomela kgatelopele go ya kwa go nneng setšhaba sa Aforika Borwa se se dirisang dipuo tse dintsi ka botlalo.
Mokgwa o o itshetlegileng ka setšhaba mo tsweletsong ya tiriso ya dipuo tse dintsi ke ona o o siameng thata, go lebeletswe setšhaba sa Aforika Borwa sa merafe e mentsi. Go tshwanetse ga nna le mokgwa o o phatlaletseng o go tsewang karolo tebang le paakanyong ya puo le tiragatso ya pholisi e e kokoanyang botswerere jwa setegeniki tebang le phetisetso ya kitso le bokgoni.
Mekgatlho yotlhe ya mmuso (bosetšhaba, porofense le pusoselegae), gammogo le ditheo tse di nang le dithata mo setšhabeng kgotsa tse di dirang ditiro tsa setšhaba go ya ka peomolao, di tshwerwe ke Letlhomeso le la Pholisi ya Puo.
Mo tsweletsong ya dipuo tse dintsi diporofense di tla itlhamela dipholisi tsa tsone go latela dikaelo tsa Letlhomeso le la Pholisi, go akanyediwa maemo a tsona a kgaolo, le ditlhokego le dikeletso tsa setšhaba jaaka di tlhalositswe ke Molaotheo.
Dipusoselegae di tla tlhomamisa tiriso ya puo le dikeletso tsa setšhaba ka thuso ya letlhomeso la pholisi ya puo la porofense. Mo tlhomamisong ya puo le dikeletso tsa setšhaba, dipusoselegae, ka ditherisano le setšhaba ka bophara, di tshwanetse go tlhabolola, go phasalatsa le go diragatsa pholisi ya tiriso ya dipuo tse dintsi.
Dipuo tsa semmuso di tlile go dirisiwa mo ditirong tsotlhe tsa kokoanopeomolao, go akaretsa phasalatso ya diHansard, jaaka ntlha ya tshwanelo, ka go tlhokega, ntle le fa e le gore mo mabakeng a dikgotlapeomolao tsa diporofense, maemo a kgaolo a tla tlhomamisa (di)puo tse di tshwanetseng go dirisiwa.
Mmuso o tla rotloetsa, mme fa go tlhokagalang wa tshegetsa dikgwebo tsa poraefete go tlhabolola le go diragatsa dipholisi tsa tsona tsa puo ka tumalano le letlhomeso la bosetšhaba la pholisi ya puo.
2.4.6.1 Dipuo tsa tiro/dipuo tsa rekoto: Ka tumalano, mokgatlho mongwe le mongwe wa mmuso o tshwanetse go dumalana ka (di)puo tsa tiro (tebang le mabaka a tlhaeletsano ka fa gare le magareng ga mafapha), Ntle le fa e le gore fa go kgonagalang ga go na motho ope yo o tla kganelwang go dirisa puo e a e ratang. Mo mabakeng a go tsamaisa dikopano kgotsa go dira ditiro tse di rileng go tshwanetse ga tsewa matsapa go dirisa dibebofatsi tsa puo jaaka phetolelo le/kgotsa thanolelo ka (tatelano, segongwe, gammogo le thanolelo ka go seba) fa go ka kgonagalang.
2.4.6.2 Tlhaeletsano le setšhaba: Mabapi le kwalelano ya semmuso, go tshwanetse ga dirisiwa puo e moagi a itlhophelang yona. Tlhaeletsano yotlhe ya puisano ka molomo e tshwanetse go dirwa ka puo ya semmuso ya bareetsi. Fa go tlhokega, go tshwanetse ga tsewa matsapa go dirisa dibebofatsi tsa puo jaaka thanolelo ka (tatelano, segongwe, mogala le thanolelo ka go seba) fa go ka kgonagalang.
2.4.6.3 Diphasalatso tsa mmuso: Lenane la phasalatso ya tiragatso ya dipuo tse dintsi le tshwanetse go latelwa ke mafapha a mmuso wa bosetšhaba mo mabakeng ao e leng gore ga a tlhoke phasalatso ka dipuo tsotlhe tse di 11 tsa semmuso.
2.4.6.4 Fa tiragatso e e bokgoni le e e tlhomameng ya mmuso mo maemong afe kapa afe e tlhokang tlhaeletsano ya tshedimosetso e e feleletseng, e tshwanetse go phasaladiwa ka dipuo tsotlhe tse di 11 tsa semmuso, mme, kwa diporofenseng, ka dipuo tsotlhe tsa semmuso tse di laoletsweng kwa porofenseng.
2.4.6.5 Mo mabakeng a e leng gore dikwalo tsa mmuso ga di ka ke tsa bonwa ka dipuo tsotlhe tse di 11 tsa semmuso, mafapha a mmuso wa bosetšhaba a tshwanetse go phasalatsa dikwalo ka nako e le nngwe bonnye ka dipuo di le thataro.
2.4.6.6 Mokgwa wa thefosano o tshwanetse go dirisiwa fa go tlhophiwa dipuo tsa go phasalatsa dikwalo tsa mmuso ka dipuo tsa Nguni le tsa Sotho.
2.4.6.7 Tlhaeletsano ya boditšhabatšhaba: Tlhaeletsano ya mmuso kwa maemong a boditšhabatšhaba ka tlwaelo e tla nna Seesimane kgotsa ka puo e e ratwang ke naga e e amegang.
3.1 Go tsenngwa tirisong ga pholisi ya puo go tlile go oketsa tlhokego ya tiro ya go fetolela le tseleganyo gammogo le ditirelo tsa boranoledi, segolo thata mo dipuong tsa tlholego. Karolo e e botlhokwa ya boitseanape jwa phetolelo mo dipuong tse e tla tshwanelwa ke go atolosiwa mo mafapheng a mmuso le mo setheong sa poraefete, sekao: badiri ba nakwana ba puo jaaka bafetoledi, batseleganyi le baranoledi ba tla tshwanelwa ke go tlhabololwa. Koketsego ya tlhokego ya ditirelo tsa badiri ba porofešenale ba puo e tla batla katiso ya boitseanape go ya pele.
3.2 Go tlhomiwa ga diyuniti tsa puo mo lefapheng lengwe le lengwe la mmuso wa bosetšhaba le kwa porofenseng nngwe le nngwe go tla nna le tlhotlheletso mo sekoupung sa ditiro tsa Tirelo ya Dipuo tsa Bosetšhaba (TDB). TDB e tlile go batlega go golaganya tsamaiso ya tiragatso ya pholisi ya puo ka go bebofatsa katiso ya badiri ba yuniti ya dipuo mo ditirong tsa thulaganyo ya puo le tshegetso ya manane a ditiro tsa diyuniti tse. Gape TDB e tla rwala maikarabelo a go gokaganya tlhabololo ya manane a katiso ya bafetoledi, batseleganyi le baranoledi, le go tlhoma dikaelo tsa tiro ya boleng.
3.3 Dikarolo tsa thulaganyo le tlhopho ya mafoko, gammogo le mareo le tsona di tla amega. Koketsego ya tiro ya go fetolela e tla batla itlhaganediso ya tlhabololo ya mareo mo dipuong tsa semmuso le ya Sefalana sa Mareo sa bosetšhaba se se fitlhelelwang ke badiri ka puo ba mmuso le ba nakwana.
3.4 Go nna teng ga didiriswa tsa Thekenoloji ya Puo ya Batho (TPB) (sekai: phetolelo e e dirwang ke motšhini, megopolo ya phetolelo, dibaakanya mopeleto) tebang le dipuo tsa tlholego go tla nna le seabe se segolo mo tshegetsong ya go bebofatsa ditiro tsa puo.
3.5 Bogolo jwa diyuniti tsa puo bo tlile go tlhomamisiwa, mme dikatiso tsa boitseanape mo mofameng o, di tlile go nna botlhokwa morago ga palo ya dipuo tsa semmuso tse di tshwanetseng go dirisiwa e sena go sekasekiwa. Diyuniti tse di nang le badiri ba le bane kgotsa go feta ba porofešenale, di tlile go tlhoka gore di nne le ditlelereke.
3.6 Kago ya bokgoni mo dikarolong tse di amegang tsa go bebofatsa puo go tla diragala ka dipuisano le batlamedi ba ditirelo jaaka ditheo tsa thuto e kgolwane tse di rutang manane le dirutwa tse di rebotsweng ke SAQA tsa tiro ka puo, bofetoledi le botseleganyi, thanolelo, thulaganyo ya puo, tlhopho le thulaganyo ya mareo le thuto ka ga dithanodi.
4.1 Go tsenngwa tirisong ga pholisi kgato ka kgato mo pakeng e khutshwane, e e mo magareng le paka e telele ke leano le le rategang mo maemong otlhe.
4.2 Tebang le diphasalatso tsa mmuso, tiragatso e tla tsenngwa tirisong ke mekgatlho ya mmuso ka mokgwa o o ka fetolwang le o o kgonagalang mo sebakeng sa dingwaga di le tharo bonnye. Molemo wa go tsenya tirisong ka mokgwa wa kgato ka kgato ke gore mafapha a tlile go kgona go tlhabolola koketso ya bokgoni le go laola thulaganyo ya tiragatso ka botswerere.
4.3 Mekgatlho ya Mmuso e tla nna le nako ya go rulaganya ditekanyetsokabo ya yona ka go oketsa dikabelo tsa yona ka iketlo mo pakeng ya MTEF le go rulaganya ditiro go ya ka didiriswa tse di batlegalang tebang le tiragatso e e atlegileng ya pholisi.
4.4 Go tla tlhabololwa tlhokomelo ya mekgwa ya go netafatsa boleng jwa ditirelo tsa phetolelo le tseleganyo.
4.5 Ka tirisano le PanSALB, Lefapha la Botsweretshi le Setso le tla tlhokomela kgatelopele le go begela bothati jo bo maleba ka dipaka tse di maleba.
4.6 Ditshekatsheko tsa pholisi di tla dirwa ka tlhomamo mme go tla dirwa dikatlanegiso tebang le diphetogo fa go tlhokagalang gore tekanyetsokabo e lekanyetswe ka tshwanelo.
4.7 Mafaratlhatlha a a tlhokagalang go diragatsa pholisi a tla tsenngwa tirisong.
tlhaeletsano ya boditšhabatšhaba fa go maleba.
4.8 Mekgwa e mengwe ya tiragatso e e tla dirisiwang ke Molawana wa Maitsholo wa Badiredipuso, go tlhomiwa ga Khansele ya Aforika Borwa ya Badiri ka Puo, Tirelo ya Thanolelo ka Mogala ya Aforika Borwa (TTMAB), leano la tlhabololo ya dipuo tse pele di neng di kgaphetswe kwa thoko le DPS.
Tshegetso ya tlhabololo ya badiri ba ba tlhokegang go tsenya tirisong dipuo tse dintsi.
Taolo ya go bebofatsa porofešene ya puo, k.g.r. phetolelo, thanolelo le mareo, ka tlhabololo le peomolao e e maleba.
Tshegetso ya maiteko a a kgethegileng a paakanyo le/kgotsa manane a dipuo tsa tlholego tse di neng di kgaphetswe kwa thoko, k.g.r.
Tshegetso ya go ithuta le go ruta dipuo tsotlhe tsa semmuso tsa Aforika Borwa kwa mephatong yotlhe ya sekolo.
Tlhabololo ya puo Tsweletso ya puo ka mokwalo, tlhomamiso le katoloso ya ditiro gore puo e kgone go ka dirisiwa mo dithulaganyong tsa bobegakgang, thuto, semolao le tsamaiso, j.j., le go tlamela sekoupu sa phasalatso ya dikwalo mo puong eo.
Tseleganyo Tiro ya go siamisa puo le /kgotsa setaele mo ditemaneng tse di kwadilweng.
Tekano Boleng jwa tshiamo, go se tseye letlhakore; go tsewa ka tekatekano; se se tshwanetseng le se se siameng.
Tiragatso ya dipuo tse dintsi Go kaya go tlhopho ya (di)puo e e rileng mo maemong a a rileng, e ikaegile ka maemo a puo e dirisiwang mo go one, k.g.r. tiro, bareetsi le molaetsa o e o dirisetswang.
Dipuo tse pele di neng di ikgatholositswe Ka bokao jwa mo Aforika borwa, tse ke dipuo tse di neng di neetswe maemo a a kwa tlase ke ditlhopha tse di maatla tsa pele, mme tse ka jalo di neng di sa dirisiwe kgotsa go tlhabololwa go ka dirisiwa mo tirong ya bobegakgang, thuto (morago ga sekolo sa poraemari) kgotsa mo setšhabeng kgotsa mo maemong a a botlhokwa a ekonomi. Tshegetso ya tlhabololo ya dipuo tse e ne e le e nnye. Di akaretsa dipuo tsa tlhago, dipuo tse di tswang kwa ntle le SASL.
Dithekenoloji tsa Puo ya Setho Tiriso ya kitso ya puo go tlhabolola dithulaganyo tsa khomphiutara tse di ka lemogang, tsa tlhaloganya, tsa tlhalosa le go tlhagisa puo setho ka mekgwa yotlhe; k.g.r. tlhabololo ya didiriswa tse di dirang gore go kgonagale go gore batho ba golagane ka dikhomphiutara.
Puo ya tlhago Puo e e tlholegileng mo nageng e.
Boranoledi Mokgwa wa go fetolela se se builweng ka puo ya ntlha mo puong ya bobedi.
Temogo ya puo Go itse mokgwa o puo e dirisiwang ka one mo setšhabeng, gore a na badirisi ba puo ba neilwe ditshwanelo tsa bone tsa puo, le gore puo e dirisiwa jang go maatlafatsa kgotsa go amoga babui maatla.
Tekatekano ya puo Tebang le molaotheo, dipuo tsotlhe di tshwanetse go bona tlotlo e e lekalekanang , segolo thata ka mabaka a semmuso jaaka peomolao, bosiamisi, tsamaiso le taelo ya setšhaba.
Tekano ya puo Tshiamo ya tlamelo ya puo le/kgotsa tsholo ya dipuo tse pedi kgotsa go feta. Dintlha tse di jaaka palo ya babui le maemo a puo di ka tlhotlheletsa pholisi go tlhomamisa mabaka a tiriso ya puo e e rileng. Tiriso e e ka tswa e sa lekane. " Puso e ka se kgone go dirisa dipuo tsotlhe tsa baagi botlhe ba yona, mme e ka itekanyetsa fela mo go diriseng (di)puo tsa/ya yona ya/tsa semmuso, ka mokgwa mongwe."
Thulaganyo ya puo Thulaganyo ya puo e lebile ditharabololo tsa mathata a puo ka maikemisetso, mekgwa le dipoelo tse dingwe. E akaretsa dithulaganyo tsa go laola le go tokafatsa dipuo ka tlhabololo ya puo.
Pholisi ya puo Tshwetso/molawana wa semmuso ka ga maemo a dipuo tse di farologaneng tse di buiwang mo merafeng ya dipuo tse di tlhakatlhakaneng/dipuo tse dintsi, sekai ke puo efe e tla nnang puo ya bosetšhaba kgotsa ya semmuso, ke dipuo tse dife tse di tla dirisiwang jaaka dipuo tsa kgaolo le gore maemo a tsone e tla nna afe.
Ditshwanelo tsa puo Melao e e tlhomamisang maemo a mo go one baagi ba ka itlhophelang puo.
Diyuniti tsa puo Dikemedi tsa mmuso mo mafapheng le mo diporofenseng go dirana le dintlha tsa puo ya lefapha leo/kgotsa porofense eo go tswa mo Pholising ya Bosetšhaba ya Puo le go ikgolaganya le mafapha a mangwe ka ga dintlha tsa puo.
Lekisekhokerafi Tiro kgotsa porofešene ya go tlhama dithanodi.
Dithulaganyo tsa phetolelo ka metšhini Dithulaganyo tsa khomphiutara tse di fetolelang ditemana tsa eleketeroniki go tswa puong e nngwe go ya go e nngwe.
Puo e e ikgatholositsweng Puo nngwe le nngwe ya semmuso e e kgaphetsweng kwa thoko mo tirisong ya semmuso kgotsa e e leng gore tiriso ya yona e a kganelwa mo mabakeng a a dirisang melawana (sekai: thuto, tlhokomelo ya boitekanelo). ''Go kgaphelwa kwa thoko'' gantsi go kaya maemo a a kwa tlase a puo, gongwe le babui ba yone. Sekai: Setsonga, Sevenda, Setebele le Seswati di tsewa jaaka dipuo tse di kgaphetsweng kwa thoko mo Aforika Borwa.
Sediriswa sa go ruta (puo ya go ithuta) Puo e e dirisiwang mo phaposiborutelong jaaka e kailwe ke kharikhulamo le pholisi ya puo. ''Puo ya go ruta'' e kaya go suta go se kae go akaretsa mogopolo o o reng go feta puo e le nngwe di ka dirisiwa, mme baithuti ba ka fitlhelela e nngwe go na le ya semmuso.
Tiriso ya dipuo tse dintsi Tiriso ya dipuo tse tharo kgotsa go feta ke motho a le mongwe kgotsa setlhopha sa dibui jaaka baagi ba kgaolo kgotsa setšhaba se se rileng.
Puo ya semmuso Puo e e dirisiwang mo mmusong, dikgotlatshekelo, thuto, kgwebo le bobegakgang.
Phetolelo Mokgwa wa go fetolela se se kwadilweng ka puo ya ntlha kwa puong ya bobedi ka go kwala.
Mareo Mareo a setegeniki a a tlhomamiseditsweng thuto e e rileng.
<fn>GOV-ZA. Furthereducationandtraining.2010-03-25.tn.txt</fn>
Bathelesi botlhe ba dithulaganyo tsa FET ba ba nayang borutegi jo bo tletseng mo maemong a 2 - 4 a Letlhomeso la Borutegi la Bosetšhaba ba tshwanetse go ikwadisa jaaka ditheo tsa poraebete tsa Thuto le Katiso e e Tsweletseng . Bakopi le bona ba tshwanetse go ikwadisa go ya ka Molao wa Ditlamo wa 1973.
Ditheo tse di nayang dirutwa tsa nakwana, , dithulaganyo tse e seng tsa NQF kgotsa dikarolo sa borutegi, tsona ga di amege mo boikwadisong go ya ka Molao wa FET wa 1998.
Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, ikgolaganye le ba Lefapha la Thuto.
Gorosa/tlisa diforomo tse kwa go Lefapha la Thuto la Bosetšhaba.
O akaretse le tuelo e e sa busetsweng ya kopo ya go lekana R500 le kopo. Tuelo e, e ka duelwa tšheke e e netefaditsweng kgotsa ka posootara.
Boikwadiso bo ka tsaya dikgwedi di le11 go fetswa.
<fn>GOV-ZA. GiveNoticeofabirth.2010-03-25.tn.txt</fn>
Molao o o Tlhabolotsweng wa Kwadiso ya Matsalo le Dintsho , o tlhagisa gore ngwana yo o tsalwang a tshela o tshwanetse go begiwa mo malatseng a le 30 morago ga pelego.
Kitsiso ya matsalo e tshwanetse go dirwa ke yo mongwe wa batsadi, kgotsa motlhokomedi wa gagwe wa semolao, mme fa yo mongwe wa batsadi kgotsa motlhokomedi a sa kgone go dira pego, motho yo o kopilweng ke yo mongwe wa batsadi kgotsa motlhokomedi wa semolao a ka dira kitsiso.
Romela Foromo ya Kitsiso ya Botsalo go ofisi nngwe le nngwe ya Merero ya Selegae.
Motho yo o kopiwang go dira kitsiso o tshwanetse a bo a tshotse lekwalo le le mo letlang go dira jalo, le le tlhalosang mabaka a gore ke goreng batsadi ba sa kgone go itirela pego ka bobona.
Fa ngwana a ka belegelwa kwa ntle ga Aforika Borwa mme yo mongwe wa batsadi ba gagwe e le moagi wa Aforika borwa ka nako ya fa ngwana a tsholwa, pego e ka nne ya dirwa kwa embasing ya Aforika Borwa, kwa ntlong ya boemedi kgotsa kwa dikantorong tsa Merero ya Selegae mo Aforika Borwa.
Mabapi le Kitsiso e e dirwang morago ga malatsi a le 30 ngwana a setse a belegwe, batsadi kgotsa batlhokomedi ba semolao ba tshwanetse go naya mabaka gore ke goreng ngwana a sa kwadisiwa jaaka Molao o beilwe.
Fa e le gore batsadi ba ngwana ga ba ise ba nyalane mme ba eletsa go kwadisa ngwana ka sefane sa ga rraagwe, rraagwe ngwana o tshwanetse go amogela se ka go tlatsa dintlha mo sebakeng se se tshwailweng mo foromong ya Kitsiso ya botsalo. Rraagwe ngwana o tshwanetse go nna teng fa matsalo a ngwana a kwadisiwa.
Kopo e ka tsaya malatsi a le 8 go ya go ale 12.
Tirelo e ga e duelelwe.
Ela tlhoko: Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.
<fn>GOV-ZA. GrantApplication.2010-03-25.tn.txt</fn>
Kabogape ya lefatshe go tsweletsa lenane la temo e tlhamilwe go thusa baagi bao ba neng ba itlhokomologilwe go tswa merafeng ya Bantsho, Bammala le MaIntia go neelwa lefatshe kgotsa didiriswa tsa temo segolo setonna ka maikemisetso a go lema.
nna mongwe wa setlhopha sa merafe e otshwanetse o be le dingwaga di le 18 kgotsa go feta ikaelela go dirisa lefatshe mo mabakeng a temo fela maikaelelo a go lema goya goile se tshole maemo ape mo ditheong tsa puso nna mo boemong jwa go nna le kabelo ikaelela go tsaya karolo mo mananeng a katiso morago ga go bona lefatshe lwa bo lo le setlhopha se se ipopileng fa lo dira nna le akhaonto ya banka.
Basadi le bašwa ba tlhotlholetswa go dira dikopo. Botlhe ba e leng boradipolotiki mme e le bantlhankedi ba puso kgotsa badiredipuso ba ka se amogelwe.
Balemirui ba ba atlegileng ba ikaelela go katolosa tsamaiso tsa bona, ba ka dira dikopo tsa kabo tse dingwe, fela dikopo tsa mothale o di lebisitse motho a le mongwe, ga di a tshwanela go feta R100 000. Go feta fao thoto ya go simolola kgotsa katoloso ya porojeke ya kgwebo e tshwanetse go tswa kwa bankeng.
Kabo ya LRAD ga e tlhoke go duelwa jaaka mokitlana. Go didiriswa mokgwa o o rileng go bona gore motho o tla newa bokae. Go kgona go amogedisiwa kabo e ya R20 000, o tla tshwanelwa ke go ntsha bokana ka R5 000. Madi a o a ntshang, a go pateletse gore o be le madi ka yona nako eo, - a tla nna a ditlamelo tsa temo, leruo le dithoto dingwe tsa temo. Le fa go neelwa diatla mo porojekeng e, e tla kaiwa jaaka neelo fela.
Supa lefatshe le o batlang go le reka. Fa o na le lefatshe le o ka le dirisang la setšhaba.
Ikopanye le Lefapha la Merero ya Lefatshe kgotsa motlhankedi wa tsa temo yo o neetsweng boikarabelo go dira kopo ya kabo.
leano la go supa tiriso ya lefatshe karolwana e e ka rekiwang ka tuelo e e dumalanweng, fa e adimiwa neela ka maina a balosika kgotsa maloko a setlhopha, fa tshisinyo e le setlhopha netefatsa setlhogo sa lefatshe sentle e nne lefatshe le le sa bakweng, le kwadisitswe ka moreki le tuelo e e rerwang e sa nne godimo go eo e tlhatlhositsweng ya tuelo bopaki bo supa gore matlole a a setseng a teng pego e e tlhatlhobilweng.
Tsamaiso e tla tsaya bonnye jwa dikgwedi di le nne fela fa diporojeke tse di kopakopaneng di ka tsaya lobaka.
Bokana ka R20 000 e tla dira gore go kopiwe kabo e nngwe kgotsa ka batho a kana ka R5 000. o ka nna wa bona madi a a sa feteng R100 000, a tla kopiwa go tswa mo dikabong tsa madi a a kana ka R400 000. Magareng ga bonnye le bogolo jwa dipalo tse, go na le tekanyo ya dikabo tse di ikaegileng mo kabong ya batsayakarolo.
O tla fiwa foromo go tlatsa kwa dikantorong tsa porofense ya Lefapha la Merero ya Lefatshe kgotsa mo kantorong e e atolositsweng ya temo.
<fn>GOV-ZA. Identitydocumentforthefirsttime.2010-03-25.tn.txt</fn>
Lekwalo lwa boitshupo/Pasa ke tokomane e e supang gore o mang. Dipasa di fiwa baagi ba Aforika Borwa kgotsa baagi ba ba nang le phemiti ya leruri ya boagi ya ba ba nang le dinyaga di le 16 kgotsa go feta. E ka nna ya neelwa gape mongwe le mongwe yo o direlang puso kgotsa mokgatlho wa tsa molao ka kwa ntle ga Aforika Borwa kgotsa yo o tlhophilweng go direla puso ya naga e nngwe. Tšhono eno e neelwa le molekane le bana ba gagwe.
Dira kopo kwa dikantorong tse di gaufi tsa Merero ya Selegae kgotsa tsa boromiwa fa o dira kopo o le kwa moše.
Tlatsa foromo ya kopo ya BI-9.
Neelana ka setifikeiti sa matsalo kgotsa pasa ya bogologolo e e ntshitsweng pele ga 1 Phukwi 1986.
Fa e le gore matsalo a gago a ne a sa kwadisiwa, mme ga go na setifikeiti sa matsalo, tlatsa foromo ya BI-24/15 mme.
Gokelele gongwe tokomane e le nngwe fela e e tshegetsang ntlha e, jaaka setifikeiti sa kolobetso, lekwalo la sekolo kgotsa setifikeiti sa botsetse.
Neelana ka ditshwantsho tsa pasa tse pedi.
Menwana e tla gatisiwa go e rekota ka fa Rejisetareng ya Baagi.
Bakopi ba banyalani ba tshwanetse go ntsha khopi ya setifikeiti sa lenyalo.
Mosadi yo o dirang kopo ya pasa mme a eletsa go boela kwa go sengwe tsa difane tse a neng a itsewe ka tsona, o tshwanetse go tlhagisa bopaki jwa gore ka tota o na le tetla ya go dirisa sefane seo.
Mohudugi yo o dirang kopo ya pasa o tshwanetse a gokelela phemiti ya boagi ya leruri, tšhabafatso kgotsa setifikeiti sa thebolo, setifikeiti sa lenyalo le foromo ya BI-529.
Kopo e ka nna ya tsaya dibeke di le robedi.
Tirelo e ga e duelelwe.
Ela tlhoko: Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. Ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.
<fn>GOV-ZA. Importanimalsandanimalproducts.2010-03-25.tn.txt</fn>
O tlhoka phemiti ya thekontle ya leruo fa o batla go reka diphologolo kgotsa dikumo tsa diphologolo go di tlisa mo Repaboliking ya Aforika Borwa.
Go na le dithulaganyo tse di tlhomilweng malebana le thekiso ya diphologolo le dikumo tsa diphologolo. Jaaka melao ya pholo e fetoga nako le nako, tswee-tswee ikgolaganye le Bokaedi jwa Boitekanelo jwa diphologolo gore o itse ditlhokego tsa sešeng.
Tlatsa foromo ya kopo. Ikgolaganye le Bokaedi jwa Boitekanelo jwa Diphologolo fa o sa itse gore o tshwanetse go tlatsa foromo efe.
Tlhokomela: Moreka dikumo tsa kwa ntle ke ene a rweleng maikarabelo a go dituelo tsa banka ya fa gae le dituelo tsa banka ya kwa ntle Lefapha ga le kitsa le ntsha phemiti fa madi ka botlalo e leng ZAR100 a ise a duelwe.
Tuelo e ka nna ya dirwa kwa diofising tsa Lefapha la Temothuo le le tlhagisitsweng ka fa tlase ga Dintlha tsa Kgolagano.
Mo mabakeng a fa o direla mongwe kopo, netefatsa gore madi a tuelo a bitsa ka leina la gagwe kgotsa la khamphane ya gagwe.
Ga go na kopo e e tla tsweletswang kwa ntle ga bosupi jwa gore o duetse. Bosupi jwa tuelo bo ka feksetswa mo nomorong e: 012 329 8292 for attention: Ina Labuschagne.
O tshwanetse go supa mo foromong ya gago ya kopo gore o tla itseela phemiti mo diofising kgotsa o batla e romelwe kwa go wena.
Motlhankedi wa Khwaranthaene o tla dira dipaakanyo tsa manno kwa seteišeneng sa Khwaranthaene a bo a tlatse karolo e e rileng ya foromo ya kopo. Mme morago e tla busediwa ka fekse kwa ofising ya diphemiti, mme phemiti e e maleba e tla abiwa.
Kgoeletso ya Tlhomamiso di tshwanetse go tlaidiwa di mametlelelwe mo foromong ya kopo. Foromo e ya Kgoeletso ya Tlhomamiso e ka fitlhelwa gape kwa Ofising ya diphemiti.
Fa o sena go newa resiti ya foromo ya kopo, Phemiti ya Kalafi ya leruo le le rekwang kwa ntle ga naga ga mmogo le Setefikeiti sa Boitekanelo sa Kalafi ya leruro di tla abiwa mme tsa romelwa ka tlhamalalo kwa go wean.
Diforomo tse di tshwanetse di tladiwe ka, Seesemane, ke ngaka ya leruo e e filweng dithata ke Botsamaise jwa Kalafi ya leruo go tswa kwa nageng e e romelang dikumo kwa ntle, mo malatsing a le lesome di se na go romelwa.
Fa go na le tshedimosetso e e tlhokegang malebana le ditlhokego tse di rileng mo phologolong kgotsa mo kumonge e rileng ya phologolo, dikhopi tsa dikao tsa Diphemiti tsa go reka kwa ntle ga naga le Setifikeiti sa boitekanelo sa Kalafi ya leruo di ka fitlhelwa kwa ofising ya Diphemiti.
Fa o reka matlalo a a metse le a a omileng ga mmogo le diterofi, foromo ya kopo e tshwanetse go netefadiwa ke ngaka ya leruo ya mmuso mo lefelong le le reboletsweng tiro ya mothale o. Foromo ya kopo e tshwanetse go saeniwa gape ke ngaka ya leruo ya puso yo o maleba, mme fa a fetsa o tla e tempa a bo a e busetsa ka fekse kwa ofising ya diphemiti. Fa foromo e e sena go amogelwa, ke gona mo ofisi ya diphemiti e ka kgonang go aba phemiti ya go reka dithoto kwa ntle ga naga.
Fa go rekiwa diphologolo tse di phelang kwa ntle ga naga jaaka dikgomo, dinku, dipodi, dipere o tshwanetse go bona phemiti ya tokafatso ya diphologolo pele phemiti ya go reka leruo kwa ntle e abiwa.
Diphemiti tse pedi tse tsa mmatota di tshwanetse go neelwa kwa go motlhankedi wa semmuso kalafi ya leruo kwa boemakepe kgotsa boemafofane ga mmogo le Setefikeiti sa a Tota sa Botekanelo se abiwa ke naga e e ntshang dithekisontle.
E tsaya malatsi a le mararo go ya go a le mane go wetsa thulaganyo phemiti fa ngaka ya leruo ya puso e setse e e rebotse.
Application to import animals or animal products into the RSA . Foromo e e dirisetswa mofuta mongwe le mongwe o o sa akarediwang mo diforomong tse dingwe kgotsa e lebisitswe mo diruiweng tse di tshelang tse di nteetsweng kwa ntle mo khwaranthineng ya poso ya ditswantle. Se se laolwa ke maemo a pholo ya diphologolo kwa dinageng tse dingwe.
<fn>GOV-ZA. Importanimalsforspecificpurposes.2010-03-25.tn.txt</fn>
dipontsho, dipapatso le dikgaisano mafulo a a dirisetswang kgwebo kgwebo ka ditlhapi mo menontshetsong kgotsa go tlhaba go tlhakanya ditshadi le dipholo.
Diforomo tsa kopo tse di sa tladiwang ka botlalo di tla busediwa go mong wa tsona mme e bile lefapha ga le kitla le rwala maikarabelo a mathata a a ka tlholwang ke se.
Sitlholola foromo ya kopo mo webosaeteng mme o e tlatse ka ditlhakakgolo mme o gatisa.
Mo go tirelo nngwe le nngwe e e dirwang go tlhakanya ditshadi le dipholo nakwana, o tshwanetse go fiwa thebolo go tswa go setlamo sa barui se se maleba.
Kopo e tla rebolwa mo malatsing a le 30.
<fn>GOV-ZA. Importanimalvaccines.2010-03-25.tn.txt</fn>
O ka kgona go dira thekontle ya meento e e dirisiwang go tlhaba diphologolo ya ba ya phatlaladiwa kgotsa ya rekisiwa mo Aforika Borwa fa fela meento ya mothale o e kwadisitswe go ya ka ditlhokego tsa Molao wa Menontsha le Dijo tsa Diphologolo, Melemo ya Temothuo le Melemo ya Leruo wa 1947.
Fa o dira thekontle ya meento e e kwadisitsweng, go e dirisa mo diphologolong, o tshwanetse go bona phemiti ya thekontle go tswa go Bokaedi jwa Boitekanelo jwa Diphologolo Phemiti ya thekontle e dirisiwa sebakanyana se se lekaneng e bile e dirisetswa morwalo o le ese fela.
Fa o batla go dira thekontle ya moento o o sa kwadisiwang gore go tle go dirwe thutopatlisiso ka ona mo Aforika Borwa, o tshwanetse go nna le diphemiti di le pedi. Phemiti e nngwe ke e e tswang kwa go Mokwadise wa Molao wa 36 wa 1947 mme e nngwe ke e e tswang kwa go Bokaedi . Kopo ya phemiti e e tswang kwa go Mokwadise wa Molao wa 36 wa 1947 e tshwanetse go tlisiwa ga mmogo le lekwalo la motlhagolatsela la thutopatlisiso le le nang le dintlha tsotlhe. Bokaedi bo tla aba phemiti ya thekontle fa fela ba amogela khopi ya phemiti e e abilweng ke Mokwadise wa Molao wa 36 wa 1947 . Moento wa thekontle o o dirisetswang thutopatlisiso ga o kitla o rekisiwa.
Fa go le maemo a tshoganyetso mme bolwetse bo tlhasetse e bile go se na moento o o kwadisitsweng mo nageng, go ka tlhokagala go dirisa moento o o sa kwadisiwang. Ka jalo, wena jaaka morekantle wa isago, o tshwanetse go dira kopo kwa Khanseleng ya Taolo ya Melemo gore o bone lekwalothebolo la Karolo 21 le le go letlang go dirisa moento o o sa kwadisiwang go ya ka Molao wa Taolo wa Melemo le Metswako e e nyalanang le yona.
O tla tlhoka gape phemiti ya thekontle go tswa kwa go Bokaedi gore moento o tsene mo nageng. Phemiti ya thekontle ya mothale o e ntshiwa fa fela o filwe tetla ke ba Khansele ya Taolo ya Melemo mme e bile o ba naya bosupi. Mo lebakeng la mothale o, moento o o sa kwadisiwang o ka rekisiwa mo sebakeng se le sennye fela go fitlha setlhare se kwadisiwa.
Fa moento o sa kwadisiwa mme o dirisiwa jaaka thutopatlisiso, romela lekwalo le le tlhalosang mo pampiring e e nang le setlhogokwalo sa khamphane o le romele go Mokwadise wa Molao wa 36 wa 1947 o mo kope phemiti ya thekontle.
bontsi leina la kumo motswako wa moento, go akaretsa dilwana tse di kopantsweng naga e di tswang kwa go yona modirakumo nomoro ya Betšhe ya serekwantle tsebe ya dintlha tsa setegeniki kgotsa letshwao se se nang le nomoro ya ikwadiso ya setheo sa semolao ya naga e kumo e kwadisitsweng kwa go yona.
lefelo le kumo e fitlhelang mo go lona gore kumo e tlhokagala neng lebaka la gore se se dirwa jaaka thutopatlisiso ya go kwadisiwa ga melemo ya leruo.
maemo a ikwadiso ya kumo kwa dinageng dingwe motlhagolatsela wa thutopatlisiso o o nang le dintlha tsotlhe , go akaretsa le matlha a go solofelwang go ka simololwa ka ona tlhokomelo e e kgethegileng ya tlholelo ya dijo go tswa mo diphologolong tse di ntshang dijo le maikarabelo malebana le tiriso ya melemo.
Fa o amogela phemiti ya thekontle go tswa go Mokwadise , kgotsa o fiwa thebolo go ya ka ditlhokego tsa Karolo 21 ya Molao 101 wa 1965, tlisa khopi ya teng ga mmogo le kopo ya phemiti ya thekontle ya diruiwa go Bokaedi.
Fa e le gore moento o setse o kwadisitswe go ka dirisiwa mo Aforika Borwa go ya ka ditlhokego tsa Molao 36 wa 1947, o tlhoka fela phemiti ya thekontle e le nngwe go tswa go Bokaedi . Romela khopi ya ikwadiso go ya ka ditlhokego tsa Molao wa 36 wa 1947 ga mmogo le lekwalokopo la gago.
Tswee-tswee, dira kopo ya phemiti ya thekontle ya leruo bonnye dibeke di le thataro pele dithoto di rekwa. Fa ngaka ya leruo ya mmuso e rebotse kopo ya gago, go tla tsaya fela dibeke di le pedi go ya go di le tharo tsa tiro pele ofisi ya diphemiti e wetsa tiro ya o aba phemiti.
<fn>GOV-ZA. Importchemicals.2010-03-25.tn.txt</fn>
Fa o batla go dira thekontle ya dikhemikale mo Aforika borwa, o tlhoka tetla e e kgethegileng go tswa go Bodiredi jwa Dikgwebo le Intaseteri kgotsa boemedi jwa bona. Tona o tla swetsa fa go le mo molemong wa baagi go dira thekontle ya dikhemikale.
Taolo ya thekontle e e dirwang malebana le tirelo e ke go kgona go laola boitekanelo le tshireletsego, le gore badirise ba tlhokomele pabalesego ga mmogo le boleng jwa dikhemikale. Ntlha nngwe ke go netefatsa gore dikhemikale di dumelana le maemo a ditlhokego tsa tikologo.
Tlatsa diforomo tsa kopo tse o tla di fiwang kwa Lefapheng la Dikgwebo le Intaseteri.
Isa khopi e e kanisitsweng ya lekwaloboitshupo la gago ga mmogo le lekwalo fa o dira kopo mo boemong jwa khamphane.
Isa diforomo tsa kopo go Bokaedi: Taolo ya Dithekontle le dithekisontle.
Go ka tsaya malatsi a le mararo go konosetsa kopo ya gago.
Tirelo e ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Importofanimalsandgeneticmaterial.2010-03-25.tn.txt</fn>
Go tlhokega tumelelo ya thekontle go tswa go Mokwadise wa Tokafatso ya Diphologolo pele go ka dirwa thekontle ya diphologolo kgotsa neelano ya bolosika jwa phologolo jaaka pelwana popelo, moroto wa senna go tliswa mo Aforika borwa.
Fa e le gore mokopi ga a saene kopo ka boena, o tshwanetse a bo a tshotse lekwalo le le mo nayang thata ya go saena jaaka moemedi yo o saenang lekwalokopo mo boemong jwa mokopi, lekwalo la mothale o le tshwanetse go romelwa gammogo le lekwalokopo.
Fa e le gore mokopi o dirile tumalano le morekisi wa motswantle wa phologolo kgotsa bosika jwa yona go dira thekontle e e leng gore mo go yona dikatso , dituelo kgotsa dithebolelo tse di ka duelwang mo godimo ga tlhotlhwa e o rekileng ka yona, lekwalokopo le tshwanetse go romelwa ga mmogo le lekwalo la tlhomamiso go tswa go Mokaedi Kakaretso wa Lefapha la Dikgwebo le Madirelo gore Lefapha la gagwe le rebotse tumalano ya mothale o.
Bula saete mme o tlatse diforomo tsa kopo o gatisa ka ditlhakakgolo. Diforomo di ka kopiwa go Mokwadise wa Tokafatso ya Diphologolo.
Diforomo tse di sa tladiwang ka botlalo di tla busediwa kwa go mokopi.
lekwalo le le anameng le le supang tshika ya ntlha le ya bobedi rekoto ya ditiro tsa phologolo setefikeiti sa mofuta wa madi.
Makwalokopo a tshwanetse go romelwa go disosaete tsa barui tse di maleba kgotsa bothati jwa ikwadiso go dira dikatlenegiso.
Tumelelo ya Thekontle ya Diruiwa. Ga go na diforomo dingwe tsa kopo tse di tlhokegang tsa Tumelelo ya Thekontle ya Diruiwa. Tumelelo ya Thekontle ya Diruiwa e na le ditlhokego tsa boitekanelo tse di rileng tse di tshwanetseng go kanisiwa ngaka ya diruiwa ya puso ya naga e e rekisang diruiwa pele merwalo e isiwa kwa ntle. Ditlhokego di ka bonwa go tswa go Senior Manager: Animal Health.
Kopo e ka tsaya malatsi a le 30 go konosediwa.
<fn>GOV-ZA. Importormovedairyproducts.2010-03-25.tn.txt</fn>
O tlhoka phemiti ya thekontle ya leruo go rekantle dikumo tsa deri go di tlisa mo Aforika borwa le go di tsamaisa mo gare ga naga.
Diphemiti tsa thekontle di dirisiwa nakwana fela e bile di dirisetswe morwalo o le mongwe fela.
Dira kopo ya phemiti dibeke di le thataro pele o dira thekontle fela e seng dibeke di le robedi.
Tlatsa foromo ya kopo.
Fa e le dithoto tsa phetiso ka fa gare ga Repaboliki ya Aforika borwa, o tshwanetse go tlisa khopi ya phemiti ya thekontle ya leruo go tswa kwa nageng e dithoto di yang kwa go yona ga mmogo le kopo ya phemiti ya phetiso ya leruo ka fa gare ga Aforika borwa.
Ele - tlhoko: Morekantle ke ena a tla duelang melato ya banka ga mmogo le melato ya banka ya naga ya kwantle Lefapha ga le kitla le aba phemiti fa madi a a feletseng a phemiti e leng lekgolo la diranta a ise a duelwe.
O ka nne wa dira dituelo kwa ofising ya Lefapha la Temothuo, e e tlhagelelang ka fa tlase ga setlhogo Lefelo, diaterese le megala ka tlase.
Fa e le gore o direla motho yo mongwe kopo, netefatsa gore o dira dituelo mo leineng la gagwe kgotsa ka leina la khamphane.
Ga go na kopo e e tla lebelelwang kwa ntle ga bosupi jwa tuelo. Bosupi jwa tuelo bo ka feksediwa mo nomorong e:012 329 8292, for attention: Ina Labuschagne.
Supa mo foromong ya kopo gore o batla go itseela phemiti mo diofising kgotsa o batla e romelwe mo go wena ka poso. Tlhomamisa ka go leletsa ofisi ya diphemiti mogala gore phemiti e setse e gorogile pele o ka ya kwa ofising go e tsaya.
Fa re setse re amogetse foromo ya kopo e e tladitsweng, Phemiti ya Thekontle ya Leruo ga mmogo le sekai sa Setefikeiti sa Boitekanelo sa Leruo di tla abiwa mme tsa romelwa kwa go wena ka tlhamalalo.
Setefikeiti se sa Boitekanelo ba Leruo se tshwanetse go tladiwa, ka Seesemane, ke ngaka ya leruo e e filweng dithata tsa go dira jalo ke Botsamaise jwa Leruo jwa naga e e dirang thekisontle, e bo e gatisiwe mo pampiring e e nang le ditlhogokwalo tsa semmuso malatsi a a ka fa tlase ga lesome pele dikumo di tsamaisiwa.
Fa o tlhoka tshedimosetso ya ditlhokego tota tsa kumo e e rileng, o ka nne wa fiwa dikhopi tsa sekai tsa Phemiti ya thekontle ya leruo le Setefikeiti sa pholo ya diruiwa go tswa kwa ofising ya diphemiti.
phemiti ya thekontle ya leruo ya tota setefikeiti sa Boitekanelo sa Leruo sa tota se se abilweng ke ngaka ya diphologolo kwa nageng e dithoto di tswang kwa go yona.
Ditlhokego tsa thekontle di ka fitlhelwa go tswa kwa Ofising ya Diphemiti kgotsa go tswa mo websaeteng ya Lefapha la Temothuo.
E tsaya malatsi a le mabedi go ya go a le mararo a tiro go dira phemiti fa ngaka ya diphologolo e e rebotse.
<fn>GOV-ZA. Importusedvehicle.2010-03-25.tn.txt</fn>
Fa o batla go dira thekontle ya sejanaga se se dirisitsweng go se tlisa mo Aforika borwa o tshwanetse go fiwa tetla e e kgethegileng go tswa go Bodiredi jwa Dikgwebo le Intaseteri kgotsa boemedi jwa bona. Bodiredi bo tla swetsa fa e le gore go ka tswela batho mosola go reka dijanaga tse di dirisitsweng go di tlisa mo Aforika borwa.
Diphemiti tsa thekontle di botlhokwa go netefatsa gore dithoto tsa thekontle tse di dirisitsweng ga di senye intaseteri ya Metshelo e e Kopanetsweng ya Aforika borwa South African Customs Union . Tirelo e thusa gore go nne le taolo ya tshireletsego le gore barekisi ba tsholetse maemo a boleng jwa dithoto.
Sitlholola foromo ya kopo, IE 462.
Naya ba Lefapha khopi e e kanisitsweng ya lekwaloitshupo la gago.
Naya ba Lefapha khopi e e kanisitsweng ya setefikeiti sa ikwadiso ya sejanaga sa gago.
Go ka tsaya malatsi a le mararo go konosetsa tiro e.
Tirelo e ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Individualhousing.2010-03-25.tn.txt</fn>
Ketleetso ya ntlo ya motho a le mongwe ke kabelo go tswa mo mmusong e e diretsweng batho ba ba batlang go nna le ditsha tse e leng tsa bona tse di nang le ditirelo. E letlelela baamogeladitshiamelo go tsena mo dikonterakeng tsa go aga dintlo, kgotsa go reka ntlo e e setseng e le teng mme e tokafaditswe go ka nniwa mo go yona e se karolo ya porojeke ya ketleetso ya ntlo e e rebotsweng.
Ketleetso e, e thusa baamogeladitshiamelo ba ba nonofileng ba ba eletsang go oketsa diketleetso tsa bona ka botseno mo keretiting, ga mmogo le baamogeladitshiamelo ba ba se nang dinonofo tsa keretiti.
moagi wa mo Aforika Borwa kgotsa motho yo o nang le tumelelo ya boagi ya leruri motho yo o nyetseng/nyetsweng kgotsa yo o nang le molekane wa go tloga bogologolo batho ba ba sa nyalang/nyalwang, mme ba le dingwaga tse di fetang 21 ka bogolo mme ba na le batsholwa/baikaegi lotseno lwa batho botlhe ba ba nnang mo ntlong lo tshwanetse go nna R3 500 kgotsa ka fa tlase ga yona ga o a tshwanela wa bo o setse o kile wa nna le ntlo mo nakong e e fetileng bakopi ba ba nang le thetelelobokgoni/bogole ba ba kopang pharologano e e kgethegileng.
Tlatsa foromo ya kopo e e ka bonwang kwa Lefapheng la Dintlo la Porofense , dibankeng le kwa go bommasepala.
Tsaya foromo o e ise kwa go rebolelwang teng go tlatsa Karolo ya G.
Tsaya foromo o e ise kwa motho yo o adimisanang ka madi kgotsa kwa setheong sa matlole go tlatsa Karolo H mo dikopong tsa diakhaonto tse di tshwaraganeng.
Tsaya foromo o e ise kwa go Moagi go tlatsa Karolo ya I fa e le gore ke dintlo tse dintšhwa tse di agilweng.
Dira maikano kwa Moikanising wa Maikano.
lekwalotshupo/pasa setifikeite sa lenyalo setifikeite sa matsalo setlankana sa lotseno , le kano ya thekiso.
Ditirelo ga di duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Informationfromthedeedsregistry.2010-03-25.tn.txt</fn>
Kopo ya tshedimosetso go tswa go boikwadiso jwa dikano.
mong wa thoto e e kwadisitsweng maemo a a amang thoto eo dithibelo le dikonteraka tse di amang thoto tuelotefo ya thoto melawana e amang sekeme sa thaetlele ya karolo khopi ya konteraka e e sa supeng tlhakanelo ya dithoto mo nyalong, dikano tsa ditirelo, bonto ya ntlo jalojalo khopi ya melawana ya sekeme sa thaetlele ya karolo kgotsa Sekema sa Thaetlele ya Karolo. Ela tlhoko: se ga se khopi e netefatsaditsweng, ke fela khopi ya ka maikaelelo a tshedimosetso maemo a go tlhoma Motsesetoropo tshedimosetso e e mabapi le thoto kgotsa maikano.
maina ka botlalo le/kgotsa nomoro ya pasa ya mong wa setsha , kgotsa gongwe letlha la gagwe la matsalo nomoro ya setsha le lekeišene kgotsa leina la polase le nomoro e seng aterese ya seterata.
go ya kwa kantorong nngwe le nngwe ya dikano go ya kwa tesekeng e e neelang tshedimosetso mo motlhankedi a tla go thusang go tlatsa foromo e e tlhaotsweng mme a go tlhalosetse tsamaiso go kopa motlanyi wa dinewa gore a go batlele tshedimosetso ka ga setsha mme duele tefo e e batlegang kwa kantorong ya moduedisi mme o busetse resiti kwa go motlhankedi kwa desekeng ya tshedimosetso. Nomoro ya resiti e tla kwalwa mo khoping ya gago ya thaetlele.
Tlhotlhomiso e tsaya metsotso e ka nna 30-60. Mo dikantorong tse di kgolwane, khopi ya kano e romelwa ka poso kgotsa e tsewa morago ga nako e e beilweng.
Motlhankedi kwa kantorong ya dikano e tla go naya foromo go e tlatsa.
<fn>GOV-ZA. Internationalsocialservices.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tirelo ya Loago ya boditšhabatšhaba ke mokgatlho wa boditšhabatšhaba o e seng wa semmuso o o sa tseyeng letlhakore mo dipolitiking, lotsong, bodumeding le mo setšhabeng e e nang le mokwaledi wa botlhe kwa Geneva, Switzerland. Tirelo e na le dikgolagano gotlhe ka badiredi loago ba ba katisitsweng mme ba na le kitso ka dinaga tsa bona.
ISS e thusa mongwe le mongwe le malapa a a nang le mathata a ona le a loago a a batlang tirisano ya dinaga se di agisaneng E ka bonwa ke mongwe le mongwe yo o leng mo Aforika Borwa le kwa moseja.
Dira thulaganyo ya tshosobanyo ya kgetse go ya ka mokgwa wa thulaganyo o o tlhophilweng ke ISS. Tshosobanyo e ya kgetse e tla bontsha mabaka le kopo ya ditirelo e e batliwang go tswa kwa dinageng tsa boditšhaba.
Tsamaisa tshosobanyo ya kgetse kwa moemeding wa porofensi wa ISS kwa kantorongkgolo ya Lefapha la Pabalesego le Loago ya porofinsi.
Moemedi wa porofinsi ena o tla romela kopo ya gago kwa Ditirelong tsa Loago tsa Boditšhabatšhaba tsa Aforika Borwa tse di leng teng mo setšhabeng mo Lefapheng la Pabalesego le Loago.
Kopa mo go Biro e e nang le kgolagano le ISS kgotsa mo go mokwaledi mo nageng ya boditšhaba.
Biro e tla romela kopo ya gago kwa go ISS SA.
Ditirelo tsa loago tsa boditšhabatšhaba di neelwa go ya ka Konteraka ya Kgolagano magareng ga Lefapha la Pabalesego le Loago le ISS: Bokwaledi ba botlhe.
Dikaelo tsona di dirwa mo rasiting. Mo rasiting ya kaelo e e tswang kwa lefapheng la porobensi ISS SA e tla go kaela kopo ya gago mo ditirelong tsa Biro e e nang le Kgolagano le ISS kgotsa mo go mokwaledi mo nageng ya boditšhaba. Tsibogelo ya bona ya ditirelo mo go ISS e tla ikaega ka mabaka a selegae. Morago ga go amogela rasiti ya kaelo go tswa mo nageng ya boditšhaba, ISS yona e tla kaela kopo e kwa go mokwaledi wa selegae wa porobensi yo o tla rulaganyang kopano le modiredi loago go batlisisa ka kopo mme o neele pegelo kwa go lefapha la porofinsinsi.
Fa kopo e amogetswe, pegelo e tla romelwa kwa go ISS SA, yo o tla sekasekang le go romela pegelo kwa go batho ba ba nang le kgatlhego mo tsamaisong ya setšhaba ga mmogo le ditshwaelo, dipotso le/kgotsa dipelaelo.
Boemo jo bo nonofileng jwa ditirelo bo kgotsofadiwa ke badiredi loago ba selegae le ba porofinsi ga mmogo le modiredi loago yo o nang le boikarabelo jwa kopo e mo dikantorong tsa ISS SA. Bathapiwa ba Mmuso bona ba tshwanetse go latela dithulaganyo tsa motlhagolatsela/phorothokholo tse di tlhophilweng ke ISS. Bokwaledi jwa botlhe.
Mo Aforika Borwa, ditirelo di neelwa kwa ntle ga go duelelwa. Mo dinageng dingwe, tuelo e ka gogiwa/ntshiwa go duela ditirelo tse dingwe tse di rileng. Dituelo tse, di farologana go ya ka naga nngwe le nngwe.
Ga go na diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa.
<fn>GOV-ZA. IssuanceofISTAcertificates.2010-03-25.tn.txt</fn>
Jaaka leloko le le tshwailweng semmuso la laboratori ya Mokgatlho wa Teko ya Disata wa Boditšhabatšhaba , Seteišene sa Semmuso sa Teko ya Disata ya Lefapha la Temothuo e na le dithata tsa go aba Ditifikeiti tsa Boditšhabatšhaba tsa Tshekatsheko ya Disata Ditifikeiti tse di abiwa ka ntlha ya dikumo tse di romelwang ntle.
Mefuta e le meraro ya ditifikeiti e ka abiwa, e leng ditifikeiti tsa Seed Lot le Ditifikeiti tsa Sekao sa Peo/ Seed sample.
Setifikeiti se se Botala jwa Tlhago se ntshiwa fa sampole e ntshitswe semmuso go tswa mo setlhotshwana sa dijalo/Seed lot ka fa tlase ga taolo ya laboratori e e tshwailweng semmuso fela diteko di dirwa kwa laboratori e nngwe e e tshwailweng semmuso kwa nageng e e farologaneng.
Setifikeiti sa Botala jwa Legodimo se ntshiwa fa disampole di se ka fa tlase ga maikarabelo a laboratori e e tshwailweng semmuso gape laboratori e e tshwailweng semmuso, e na le maikarabelo a go dira diteko tsa dikao/disampole.
Setifikeiti sa Mmala wa Namune le sa Botala ba Tlhago, di maleba fela le ditlhotshwana tsa dijalo/seed lot e di neng di tserwe mo go yona, fa Setifikeiti sa Botala jwa Legodimo se le maleba le sekao/sampole e e rometsweng go dirwa diteko fela.
Sitlholola mme o tlatse foromokopo ya Setifikeiti sa Mmala wa Namune sa Boditšhabatšhaba. Ka gonne laboratori e e tshwailweng semmuso ya kwa nageng e nngwe e le yona e e tla ntshang Setifikeiti sa Botala ba Tlhago, tsweetswee, ikgolaganye le OSTS.
Kopa dinomoro tsa semmuso tse di neelwang ditlhotshwana tsa dijalo.
Fekesetsa kopo ya gago go OSTS.
Dinomoro tsa ditlhotshwana tsa dijalo di tla neelwa mme kopo ya fekesetswa kwa go wena gape. E tla fekesetswa gape kwa go batlhankedi ba baruni ba ba filweng dithata, ka e le bona ba ba tlileng go dira disampole kwa dikantorong tsa kgaolo.
Baakanyetsa ditlhotshwana tsa dijalo/seed lot go dirisiwa jaaka dikao/disampole. Se, se akaretsa le go tshwaya setlhotswana se sa dijalo ka dinomoro tse di tllhaoletsweng. Setshwari sengwe le sengwe se tshwanetse go tshwaiwa sentle kgotsa se fiwe setshwao se se kayang nomoro e e tlhaoletsweng ditlhotshwana tsa dijalo.
Fa ditlhotshwana tsa dijalo di siametse go dirisiwa jaaka dikao/disampole, bitsa moruni go tla go ntsha dikao/disampole tse a tlileng go di dirisa.
Dikao tse di isiwa kwa go OSTS mme di tlhatlhobiwe go bona boleng jwa tsona morago setifikeiti se se maleba se tla ntshiwa.
Duela madi a diteko tsa dipeo a a tlhomamisitsweng. Fa dikao di amogelwa, go ntshiwa lenanetheko.
Dituelo di ka diriwa ka eleketeroniki kgotsa kwa pele kwa khaontareng fela go botlhokwa gore o bitse nomoro ya lenanetheko ka tlhogo gore banka e tle e kgone go nyalanya madi a a tsentsweng le lenanetheko le le ntshitsweng.
Dira kopo ya Setifikeiti sa Botala jwa Legodimo o dirisa tlhogokwalo la mokgatlho wa gago, ka gonne go tshwaya ditlhotshwana tsa dijalo/seed lot, le dikao/disampole tse di tshwerweng semmuso di se maleba.
Ga go na molao diriswang.
Seteišene sa Semmuso sa Diteko tsa Dipeo se kaya diteko tsa dikao/disampole tsa dipeo di le botlhokwa thata fa di ama mabaka a thomelontle. Mefuta e e farologaneng ya dijalo di na le maemo a a farologaneng mme nako ya teko e ka farologana go simolola ka malatsinyana go ya go dibeke di le mmalwanyana.
OSTS e kgaratlhela go medisa dikao/disampole tsa dipeo ka maemo a diteko a a tshwanang go tswa mo thomelong e le nngwe. Gape modirelwa a ka nna a kopa diteko tse di farologaneng. Ka jalo, ga go kgonege go neela boemo jwa tirelo. Botsa kwa go direlwang teng diteko tse.
<fn>GOV-ZA. Joinleanership.2010-03-25.tn.txt</fn>
Thutokatiso ke lenanego la go ithuta le le lebisang go bona tshupetsokgono ya tiro. Dithutokatiso tse di tsenyeletsa thuto e e diragalang mo phaposing kwa setheong sa thuto kgotsa kholetšhe le katisotirong mo lefelong la tiro. Go tsaya karolo mo thutokatisong, mothapi o tshwanetse go bo a batla mme e bile a ka neelana ka thutokatiso.
Ke mang a ka dirang kopo?
Mongwe le mongwe yo o fetsang sekolo, kholetšhe kgotsa yunibesithi le bao ba sa direng. Batho ba sa direng ba tshwanetse go bo ba ikwadisitse jaaka bakopi batiro le Lefapha la Ditiro.
Ga go phetogo epe ka motho go ya kwa thutokatisong. Mongwe le mongwe yo o tlhophilweng go tsenela lenaneo la thutokatiso o tshwanetse go amogela tetlo ya madi ya thutokatiso go tswa go mothapi.
Boleele jwa paka ya thutokatiso bo tla farologana go ya ka mofuta wa kgwebo fela e ka se nne khutshwane go na le ngwaga.
Gopola ka mofuta wa katiso o o ka e neelwang e tiro e e batlang. Ka mantswe a mangwe, fa o batla go dira kwa ntle, o se dire kopo ya tiro ya kantoro.
Leina la gago le letlha la botsalo.
Maitemogelo tirong; maina a bathapi ba ba fetileng le gore o ne o dirang eng.
Bokgoni jo bong jaaka go kgona go dirisa khomputara; lekwalo la go kgoetsa jalojalo.
Batsereganyi ba modirakopo leina le dintlha tsa kgolagano tsa batho ba ba go itseng mo tirong kgotsa mo dithutong tsa gago.
Ikwadise jaaka modirakopo ya tiro le borakanelo jo bo gaufi jwa ditiro. Se se tla thusa bathapi go fitlhela fa ba batla go simolola ka thutokatiso.
Ikgolaganye le SETA go bona bathapi ba ba neelanang ka dithutokatiso. E a batla tshedimosetso go Lefapha la Ditiro.
Kopa ditsala le balosika go go lebelela ditšhono mme ba lebe dithekiso mo makwalodikgannyeng.
Tswelela ka go ikgolaganya le mafelo a tshedimosetso ya ditiro tsa gago mme o kgone go ntšhafatsa dintlha fa di fetogile.
Boleele jwa thutokatiso bo tla farologana fela bo ka se tshwane le go nna ka fa tlase ga ngwaga.
<fn>GOV-ZA. Landinvasions.2010-03-25.tn.txt</fn>
Lefatshe la mmuso le lefatshe le e leng la poraefete, le ka tsewa ka dikgoka.
Puso e na le maikarabelo a molaotheo go netefatsa mo go tlhokegang ka didiriswa tse di leng teng - gore baagi botlhe ba ka itumelela go nna le ditshwanelo tsa botho tsa go nna le lefatshe le kgotsa matlo a bonno. Fa go nnang le maemo a a ikgethileng jaaka go ata ga go tsaya lefatshe ka dikgoka go go diragalang, puso e na le maikarabelo a a tshwanang le a go thusa beng ba lefatshe la poraefete go sireletsa lefatshe la bona.
Fa ditshwanelo tsa botho tsa batsei ba lefatshe ka dikgoka di se mo kotsing ba tla fudusiwa. Bothati jwa puso jo bo nang le maikarabelo a mabapi le lefatshe la puso kgotsa beng ba lefatshe la poraefete, bo tshawnetse kwa ntle ga go diega, ba ye kwa kgotlatshekelo go koba batho bao go ya ka Molao wa Tshireletso ya tseo ya Lefatshe ka Dikgoka le Molao wa go Tsaya Lefatshe ka fa e seng ka fa molaong wa 1998 .. Molao o ga jaana o tsamaiswa ke lefapha la dintlo.
Batho ba ba se nang phitlhelelo ya lefatshe la temo ba ikopantshe le Lefapha la Merero ya Lefatshe go thusiwa go bona lefatshe le le siametseng temo. Batho ba ba batlang dintho, ba ka ikopanya le mmasepala wa selegae kgotsa fa go kgonega, Lefapha la Dintlo go bona thuso.
ikopanya le kgotlatshekelo, go bona taolo ya go fudiswa baipei ba ba seng ka fa Molaong wa tsa Lefatshe la mmuso ka fa tlase e se ka fa molaong di se belaetse.
thusa batsei ba lefatshe la puso ba se ka fa molaong, kgotsa la poraefete mme ba batla lefatshe le le siameng la temo.
go thusa bangwe ba bothati jwa puso go bona lefatshe le le siameng le lengwe la baipei ba ba tlhokang dintlo tsa bonno le.
fa go tlhokegang le fa maemo a a kgethegileng a leng teng, go thusa beng ba lefatshe la bona la temo le tserweng e se ka fa molaong go fudisetsa badudi ba ba tlhokang lefatshe le temo gore ba bone lefatshe le lengwe le le siameng.
Fa lefatshe le tserweng e se ka fa molaong e bile go se na maemo a a kgethegileng, mong wa lefatshe o tshwanetse go bolelela kgotlatshekelo kwa ntle ga tiego go bona taolo ya khuduso go ya ka Molao wa Tshireletso ya Khudugo e e ka fa molaong wa 1998..
Fa lefatshe la poraefete le tserweng e se ka fa molaong le fa maemo a a kgethegileng a leng teng, mong wa lefatshe a ka ikopanya le kantoro efe kapa efe ya Lefapha la Merero ya Lefatshe la Temo.
Fa lefatshe la poraefete le ikabilweng e se ka fa molaong mo maemo a a kgethegileng a leng teng, mong wa lefatshe a ka ikopanya le puso ya mmasepala ya selegae kgotsa, fa go tlhokega Lefapha la Dintlo la Porofense kgotsa la bosetšhaba ka thuso fa e le ditlhokego tsa dintlo tsa bonno.
Kwa tshimologong, go tla tsaya bokaedi ba tshegetso ya ditirelo tsa setšhaba malatsi a a ka nnang somenne go phuruphutsha lefatshe le le tshwailweng. Le fa go le jalo, go ya ka kamogelo ya baamegi le ditona, tsamaiso e ka tsaya magareng ga dikgwedi tse pedi le tse tharo go konosediwa.
Tlhotlhwa e e amanang le go bona lefatshe le leng siameng e ikaegile mo goreng kgetse e ntse jang. Dintlha di tshwana le bogolo ba setšhaba se se batlelwang lefatshe le tlhotlhwa ya lefatshe segolo setonna, di tsewa tsia.
Ga go na diforomo tse di tladiwang.
<fn>GOV-ZA. Legalisingofficialdocuments.2010-03-25.tn.txt</fn>
Go dira gore ditlankana e nne tsa semolao kgotsa go di netefatsa ke tsamaiso ya go netefatsa ditshaeno mme se se kaya gore ditlankana tsa semmuso di a kgomarediwa, tswalelwa le go saeniwa ka Setifikeiti sa Apostille , kgotsa ka Setifikeiti sa Netefatso fa dinaga di sa ikamanye le The Hague Convention.
e dira semmuso dintlakana tsa botlhe tse di dirilweng mo teng ga Rephaboliki ya Aforika Borwa go ka dirisiwa kwa ntle ga Rephaboliki ya Aforika Borwa ka go dirisa Setifikeii sa Apostille kgotsa Setifikeiti sa Netefatso tlamela badirisi ka maele a go bona ditshaeno kgotsa ditlankana tse di nepagetseng tlamela badirisi ka tshedimosetso ka mogala, poso kgotsa imeili.
Baemedi ba Aforika Borwa kwa dinageng tse dingwe ba ka dira ditlankana go nna tsa semmuso fa fela di ne di dirilwe tsa semmuso ke Bothati jwa Boditšhaba jo bo maleba kwa Lefapheng la Merero ya Boditšhaba. Baemedi ba Aforika Borwa ba ka se rebole Ditifikeiti tsa Apostille - ke fela Ditifikeiti tsa Netefatso.
Sa ntlha, itse gore ke setlankana sefe se o ratang go se dira sa molao.
Setlankana ga se fete ngwaga o le mongwe.
O tshwanetse wa itsise Karolo ya go dira Semolao ka ga naga e setlankana seo se tlileng go dirisiwa kwa go yona, go e letla go swetsa gore go tlhokega Setifikeiti sa Apostille kgotsa sa Netefatso.
Mokwadisi kgotsa Mothusa-Mokwadisi wa Kgotlatshekelokgolo ya Aforika Borwa.
Ka namana - Ditlankana tse di isiwang ka namana di ka tsewa fela ka bopaki jwa kamogelo. O newa sesupo sa kamogelo morago ga go isa ditlankana tsa gago.
Ka khoria - Khoria e tla newa setlankana sa go tsaya, se se tlhokegang go tsaya ditlankana. O tshwanetse go duela khoria go busa ditlankana tsa tsa gago.
Ka poso e e kwadisitsweng kgotsa poso e e bonako - Tsenya le enfelopo e e nang le aterese ya gago, e e dueletsweng kwa pele ya bogolo jwa A4 go letla Karolo ya go dira Semolao go busa ditlankana. Lekwalo le le tlhalosang palo ya ditlankana tse di tshwanetseng go dirwa tsa semolao, naga e di yang kwa go yona e a tlhokega, le dintlha tsa gago tsa kgokagano ka botlalo di tshwanetse go tsamaya le ditlankana tse.
Ka Moemedi wa Aforika Borwa kwa dinageng disele.
Ditlankana tse di kannweng ke Mokhomišenara wa Dikano go nna dikhopi tsa nnete. Mokwaledi wa Botlhe o tshwanetse go kana.
Ditifikeiti tse di sa khutshwafadiwang kgotsa tse di tletseng tsa botsalo, lenyalo le/kgotsa loso le makwalo a a tiisetsang boemo jwa bonno jwa motho, di saenilwe le go tempiwa ke mothapiwa yo o tshwanetseng wa Merero ya Selegae.
Dipampiri tsa tlhokomelo tse di saenilweng le go tempiwa ke Mokwadisi wa Ditlhokomelo kwa Lefapheng la Bosiamisi.
Ditifikeiti tsa thuto di saenilwe le go tempiwa le mothapiwa yo o maleba wa Lefapha la Thuto.
Ditifikeiti tsa go Sekasekwa ke Sepodisi di saenilwe le go tempiwa ke Tikwatikwe ya Direkoto tsa Bosenyi ya Aforika Borwa.
Lekwalo la go Go tlhoka Kgoreletso le saenilwe go tempiwa ke mothapiwa yo o maleba wa Merero ya Selegae.
Kwadiso ya setheo e saenilwe le go tempiwa ke Mokwadisi wa Ditheo tse di Kopanetsweng.
Ditifikeiti tsa Boitekanelo di saenilwe le go tempiwa ke batlhankedi ba ba maleba kwa Khanseleng ya Porofešene ya Boitekanelo.
Ditlankana tse di ka ga go dipalangwa tsa leruo go akaretsa diruiwa, di tshwanetse go tempiwa le go saeniwa ke Moitseanape wa Puso yo o maleba.
Karolo ya go dira Semolao e tla rebola kitsiso ya matsatsi a le supa a go tswalwa fa e se letsatsi la boikhutso jwa botlhe.
Ditirelo tse ga di duelewe.
Ga go na diforomo tse di tladiwang, fela ka gale supa naga e o ratang go dirisa setlankana se mo go yona.
<fn>GOV-ZA. Letterofauthority.2010-03-25.tn.txt</fn>
O tshwanetse go bona lekwalo la tetla fa o ikaelela go reka serori se sešwa kgotsa se se dirisitsweng go tswa dinageng tse dingwe, serori sa dithoto kgotsa selei le aga kgotsa go fetola serori.
O tshwanetse go nna le lekwalo la tetla go sa kgathaletsege gore a serori seo se agilwe mo Aforika Borwa kgotsa kwa nageng e nngwe.
dijanaga, dibese le dikuta dirori tsa dithoto dilei dirori tse di kgethegileng jaaka dikereini tse di tsamayang, diterekere le megoma.
Dirori tsotlhe, di ka ne di dirilwe mo Aforika Borwa kgotsa di tswa kwa ntle, di tshwanetse go ikobela ditlhokego tsotlhe jaaka di tlhomilwe mo teng ga , 1996. Ba ba rekang kwa ntle ga naga ba tshwanetse go romela bosupi jwa go ikanaanya kwa Birong ya Maemo ya Aforika Borwa.
Ela tlhoko: Ke motho fela yo serori se tla kwadisiwang ka leina la gagwe a ka tlatsang diforomo tsa kopo.
Bona diforomo tse di maleba go tswa go SABS.
khopi ya Lekwaloitshupo lekwalo la kemedi mo ntlheng ya setlamo kgotsa mokgatlo afitafiti ya serori se se agilweng go tswa go Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa. E tshwanetse go akaretsa dinomoro tsa laesense le tšhesisi, dintlha ka botlalo tsa tiro e e dirilweng le motswedi wa dikarolo tse dikgolo segolo tse di botlhokwa mo pabalesegong setifikeiti sa tumelelo go tswa Tirelo ya Sepodisi ya Aforika Borwa setifikeiti sa go siamela tsela setifikeiti sa leborogo la bokete ditshwantsho tse pedi tsa serori seo.
Duela tlhwatlhwa e e beilweng.
Lekwalo la tetla le tla bo le siame mo matsatsing a le mane go ya go a marataro.
<fn>GOV-ZA. LocFishVessel.2010-03-25.tn.txt</fn>
nna wa Moaforika Borwa o bo o laolwe ke Moaforika Borwa a le mongwe kgotsa go feta kgotsa nna wa setheo sa kgwebo, baagi, setšhaba kgotsa mokgatlho wa batho ba ba ipopileng ka fa tlase ga melao ya Repaboliki ya Aforika borwa mme e bile bontsi jwa dišere le ditshwanelo tsa go vouta di laolwa ke Maaforika borwa.
Mokoro wa go thaya ditlhapi wa selegae ka gale o diretswe go thaya ditlhapi le go dira ditiro dingwe tse di tsamaelanang le se. Mokoro o akaretsa lootwana la kere, ditlamelo, borekisetso, morwalo, le lookwane le le pegilweng mo mokorong. Mokoro wa go thaya ditlhapi wa selegae e ka nna mokoro mongwe le mongwe o o thusang mokoro o le mongwe kgotsa e mentsi mo lewatleng go dira tiro nngwe le nngwe e e tsamaisanang le go thaya ditlhapi.
ipaakanyo thelesa polokelo tsidifatsa go pagamisa , kgotsa go rulaganya go dira ditiro dingwe tsa go thaya ditlhapi mo Lefelong le le kgethegileng la Ekonomi kgotsa mo metsing a boditšhabatšhaba ka fa tlase ga folaga ya Aforika Borwa.
Ga go na motho yo o tshwanetseng go dirisa mokoro wa go thaya ditlhapi kgotsa mokoro ofe kapa ofe a dirisa tshwanelo nngwe le nngwe fa e fela fa a abetswe laesense, le phemiti e e nyalanang le yona fa mong mokoro a na le tshwanelo ya go thaya ditlhapi. Fa mong wa mokoro a se na tshwanelo ya go thaya ditlhapi, o tshwanetse a bo a na le konteraka ya go dirisa mokoro go thaya ditlhapi.
Mokoro wa go thaya ditlhapi o tla sekasekiwa ke Baitseanape ba Pabalesego ya Mawatle ba Aforika Borwa mme SAMSA e ka aba Setefikeiti sa Pabalesego.
Iponele foromo ya kopo go tswa mo ofising e e gaufi ya Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala.
O tshwanetse wa bo o na le tshwanelo ya go thaya ditlhapi . Fa o se na tshwanelo ya go thaya ditlhapi yo o nang le mokoro, o tshwanetse go tlisa konteraka, e o e dirileng le mong wa mokoro go dirisa mokoro wa gagwe, fa o tlisa kopo ya laesense ya mokoro.
Supa lefelo le mokoro o tlileng go dirisiwa mo go lona ga mmogo le sebaka se se tlileng go tsewa.
Tlatsa foromo ka go e gatisa o ditlhakakgolo fela mme o kwale lekwalo le le tshegetsang kopo ya gago fa go tlhokagala.
Kopo e ka tsaya malatsi a le 3 a tiro kgotsa go feta. fa kopo e dirilwe ka tshwanelo.
Tlhotlhwa e tla laolwa ke boleele jwa mokoro.
<fn>GOV-ZA. Lodgeacomplaintonfailure.2010-03-25.tn.txt</fn>
Kopo ya go dira boikuelo kgatlhanong le go retelelwa ga Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa go thusa kgotsa go sireletsa batswasetlhabelo ba tirisodikgoka ya fa gae.
O ka nna wa dira boikuelo jwa ngongorego mo go Bokaeding jwa Dingongorego jo bo Ikemetseng ka bojona fa o bona gore mongwe wa ditokololo tsa Tirelo ya Sepodisi mo Aforika Borwa o retelelwa ke go obamela ditshiamelo tsa Molao wa Tirisodikgoka wa tsa Selegae, 1998 . Batho bangwe le bangwe ba ba nang le kgatlhego, batswasetlhabelo ba tirisodikgoka kgotsa mekgatlho e e seng ya semmuso ke bona ba ka dirang boikuelo jwa ngongorego.
go gakolola mongongoregi ka gore go ka diriwa eng, go tshwana le go retelelwa ke go gakolola mongongoregi gore a ka nna a bula kgetse wa tshenyo kgotsa go kopa thulaganyo ya tshireletso, kgotsa tsotlhe; le go thusa moikarabedi ka go dira gore mobiletswatshekong a itlhagise kwa kgotlatshekolong.
a ka go sotla ka go go itaya kgotsa robala le wena, sekao; a ka go itaya kgotsa a go betelela.
a ka go sotla ka dipuo, ka go go tshwenya maikutlo kgotsa tlhaloganyo , sekao, ka go bua a go tlhapatsa, go go tshwara maswe kgotsa go nna le lefufa mo go feteletseng.
go tlhorisa motho, sekao, ka go letsa megala e e tenang bogosegolo, go romela makwalo kgotsa dilo kwa go ena kgotsa go tlhokomela metsamao ya gagwe.
go tsena fa a nnang teng kwa ntle ga tumelelo ya gagwe.
go dirisadikgoka mo ikonoming kgotsa mo ditšheleteng tsa motho yo mongwe, sekao, a mogatso kgotsa molekane a pateletsa go dira ditshwetso tsotlhe mabapi le ditšhelete kgotsa a gana go reka dijo, go duelela bana dituelo tsa sekolo , jalo jalo.
go go tshosetsa, sekao go go tshosetsa ka go go bolaya fa e le gore o batla go ya kwa mapodising.
go senya thoto ya gago, sekao, go fisa diaparo tsa gago, go roba diphatlho kgotsa go ntsha dithaere tsa sejanaga sa gago mowa.
go se tseye tsia thulaganyo ya tshireletso e e amogelesegang, e e leng teng.
go dirisa tsela nngwe le nngwe ya mokgwa wa tirisibotlhaswa o o tshosetsang tshireletso ya gago, boitekanelo kgotsa go iketla ga gago.
Fa o batla go bona tshedimosetso e nngwe gape, o kwa Bokaeding jwa Dingongorego jo bo Ikemetseng ka bojona.
Dira boikuelo ka bowena, ka mogala, ka lekwalo kgotsa ka emeile mo kantorong nngwe le nngwe ya ICD.
Jaaka o le mongongoregi, tlatsa foromo ya boikwadiso ya Molao ya Tirisodikgoka ya kwa Gae.
<fn>GOV-ZA. Lodgeacomplaintonmisconduct.2010-03-25.tn.txt</fn>
Maikaelelo a tirelo e, ke go thusa ditokololo tsa setšhaba go dira boikuelo ka ngongorego mo Bokaeding jwa Dingongorego jo bo Ikemetseng ka bojona . Fa o dira boikuelo le kantoro ya ICD ya boditšhaba, molato o tla romelwa go kantoro ya porobense e e tshwanetseng gore e batlisiswe.
Ngongorego ya Karolo ya II: Ngongorego ya motho yo o sa obameleng SAPS go ya ka Molao wa tsa Selegae wa Tirisodikgoka wa1998 , ka mafoko a mangwe tokololo ya SAPS kgotsa MPS e e retelelwang ke go obamela ditshiamelo tsa Molao wa tsa Selegae wa go se nne mo molaong ga Tirisodikgoka.
Ngongorego ya Karolo ya III: Ngongorego ya magatwe a gore motlhankedi wa sepodisi o tlole molao ka go tlhola kgobalo e e masisi mo mmeleng wa motho gore a bo a isiwe bookelong go alafiwa. Go tlhoka maitseo kgotsa tlolomolao ya go nna jaana, e tshwanetse ya bo e diragetse fa motho a sa ntse a le mo pabalesegong ya sepodisi.
Tirisobotlhaswa ya dithata e e nang le kutlwalo e kgolo mo setšhabeng go ya ka dikgobalo tse di tlhodilweng, palo ya batho ba ba amegileng, bogolo jwa madi jo bo dirisitsweng, kgotsa nako e tiragalo e diragetseng ka yona.
Tlhaselo e e bontshang go tlhoka maitseo.
Go tlhotlheletsa tiragalo e e rileng, tumalano go se bue sepe ka tiragalo e e rileng kgotsa maiteko a go dira nngwe ya ditshenyo tse di builweng ga godimo.
Ngongorego ya Karolo ya IV: Ngongorego ya magatwe a a reng tokololo ya sepodisi e dirile tshenyo nngwe kwa ntle le tse di filweng fa kgotsa go tlhoka maitsholo go go sa kang ga tlhola loso kgotsa kgobalo e e masisi ya mmele mo mothong yo mongwe.
Ngongorego ya Karolo ya V: Ngongorego e e kwa ntle ga taolelo kgotsa pholisi ya ICD.
Ditiragalo tsa dingongorego tse di diragetseng pele ga tlhomo ya ICD, ke gore,. ditiragalo tse di diragetseng pele ga Moranang 1997. Gape le ditiragalo tse di diragetseng ngwaga pele ga fa di ka begiwa mo go ICD, kwa ntle le fa e le gore go na le tse dingwe tse di sa amegeng fa, ka mabaka a a rileng.
Dingongorego kgatlhanong le badiredi ba Tirelo ya Ditshiamiso batlhankedi ba kgotlatshekelo le ditokololo tsa Mophato wa Phemelo wa Bosetšhaba wa Aforika Borwa.
Dira boikueleo jwa ngongorego ka bowena, ka mogala, ka lokwalo kgotsa ka emeile mo kantorong ya ICD. Dingongorego tsotlhe di tshwanetse go ikuelelwa ka nako ya tiro, magareng ga 8h00 le16h30.
Tlatsa Foromo ya Pegelo ya Ngongorego mme o e fekesetse mo kantorong ya ICD e e gaufi le wena.
ICD e ka nna ya go kopa gore o e neele tshedimosetso e nngwe gape pele ngongorego e ka batlisisiwa.
Kamogelo ya ketelo ya modirelwa e ka nna ya tsaya metsotso e le tlhano..
Nako ya go emela tshwaro ya ditherisano le modiredi wa molato kgotsa molekodi yona e ka tsaya nako ya go lekana metsotso e le 30.
Rasiti ya kamogelo e e kwadilweng ngongorego yona e ka tsaya malatsi a le 30.
Pegelo ya tswelopele e ka nna ya tsaya malatsi a le 30.
Pegelo ya bofelo e ka nna ya tsaya malatsi a le 90.
Ditirelo ga di duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Lodgenotificationofdeaths.2010-03-25.tn.txt</fn>
O ka nna wa dira boikuelo jwa ngongorego kgotsa wa itsise Bokaedi jwa Dingongorego jo bo Ikemetseng ka bojona ka dintsho mo pabalesegong ya sepodisi ka ntlha ya ditiro tsa mapodisi, go bogisa kgotsa ka ntlha ya tlhophololo ya morafe. Se, gantsi se bidiwa gore ke ngongorego ya Karolo ya I.
Fa o batla go bona tshedimosetso e nngwe gape, e ya kwa Bokaeding jwa Dingongorego jo bo Ikemetseng ka bojona.
Bega dintsho tse di tlholegang mo pabalesegong ya sepodisi ka mogala kgotsa ka go kwalela kantoro ya ICD e e gaufi le fa o nnang teng.
Ka ntlha e nngwe, o ka nna wa tlatsa foromo ya Pegelo ya Dingongorego mme wa e fekesetsa kwa kantorong ya ICD e e gaufi le fa o nnang teng.
Leina le diaterese le megala ya motswasetlhabelo le/kgotsa mongongoregi.
Leina le maemo a motlhankedi wa sepodisi yo o leng mmelaelwa.
Leina la seteishene sa mapodisi kgotsa masepala mo motlhankedi wa sepodisi yo o leng mmelaelwa a leng teng.
Nomoroe o e filweng ke sepodisi, fa e le gore e teng.
Letlha, nako le mokgwa o mapodisi a reteletsweng ka teng go thusa motswasetlhabelo.
Diaterese le megala tsa paki, fa e le gore di teng.
ICD e tla batlisisa ka ga kgetsi ka go ya kwa lefelong le mo go lona go nang le tshenyo, mme ba tseye setatamente mo paking.
Dipatlisiso di ka tsaya malatsi a le 30 kgotsa go feta foo, go tla mo go reng kgetsi e masisi go le kana kang..
ICD e tla romela pegelo le dikatlanegiso kwa Mokaeding wa Boatlhodii jwa Bosetšhaba le khopi kwa Tirelong ya Dipegelo ya Sepodisi mo Aforika Borwa go ya kwa go modirelwa.
ICD e tla iponagatsa go Lefapha la Ditiro tsa Dipegelo la SAPS go ya kwa go modirelwa.
ICD e tla romela Pegelo ya Ponomolato/Kgololo ya Tumelelo/kgololo ya Pegelo kwa go modirelwa.
Tlhomo ya matseno a dipegelo tsa bofelo e tla tsaya malatsi a le 28..
Dipegelo tsotlhe tse di tshwerweng mo databeising tsona di ka tsaya diura di le 48.
Tlhomo ya dikatlanegiso tsa dipegelo tsa bofelo e ka tsaya malatsi a le 14 go ay ka kamogelo ya dipegelo tsa sethekeniki.
Ditirelo ga di duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Lowersoundbroadcastingservice.2010-03-25.tn.txt</fn>
Molao wa kgaso wa 1999 o tlhalosa Maatla a Modumo o o kwa tlase wa Tirelo ya Kgaso tirelo ya kgaso ya maatla ya setšhaba kgotsa poraefete e e tlholang ke matla a letsatsi e e sa feteng wate ka nngwe.
go godisa kakanyo ya "phitlhelelo" go tswa mo tshiamelong ya amogela tshedimosetso go akeretsa pitlhelelo e kgolo mo ka mokgwa wa go tlhagisa kgaso.
tshiamelo a kgololosego ya bobekgang le bokwalokgang, kgololosego go amogela le tlisa tshedimosetso le dikakanyo, kgololosego ya popo ya botaki le kgololosego ya thuto ya patlhisiso ya tsa matlhale.
Ditirelo tsa Kgwebo tsa maatla a kwa tlase a modumo wa kgaso - ditirelo tse di diragalang go tswa le mo kgasong go mafeloborakanelokgwebo, mabaleng a metshameko, mafelodipontshong, mafelo a ditshwantsho kgotsa nngwe ya tirelo tse di tshwanang le e, go ya Thata fa e ka bona go le matshwenedi.
Ditirelo tsa Kgwebo tsa maatla a setšhaba a kwa tlase a modumo wa kgaso - ditirelo tse di diragalang go tswa le mo kgasong ya mafelo a bagodi a bonno, kgolagano ya mafelo a thapedi, kgolagano magareng a borapedi le mafelo a bonno a bagodi go ya ka thata fa e ka bona go le matshwenedi.
Dilaesense tsa setšhaba le ya kgwebo tsa tirelo ya maatla a kwa tlase a modumo wa kgaso di tla nna ka dingwaga di le tharo go ka amogelesega go tirosong le laesense ya tiragalo e e kgethileng ya maatla a modumo o o kwa lase wa kgaso o tla amogelwa nako ng ya malatsi a masomeamararo.
Bontsha makubu a a maleba go tiriso tlase ya maatla.
Sekaseka bonno ba phaposikgaso le setsha tsa phepelo.
Tlhoma setlhopha sa tiro go tsya maikarabelo go tsamaisa kopo boemong ba barulaganyi ba ba tiragalo.
bona tshaeno go tswa setšhaba kwala leano la kgwebo bebofatsa ditlhopho tsa temokerasi tsa ditokololo tsa Boto.
Kopa khopi ya kgaso ya tirelo le botshwaotaolo ba phatlalatso ya foromokopo.
Tlatsa foromokopo ka mokwalo wa tlhakakgolo.
Romela ditlankana tsa nnete le dikhopi di le 16 tsa foromokopo le tuelokopo go Lekgotla la Ditlhaeletsano le le ikemetseng la Aforika Borwa.
Dikopo tse di sa felelang di tla busediwa kwa go modirakopo mme ga go maikarabelo a ape tla a go gakanega a tla amogelwang.
Netefatsa laesense e tla tsaya dikgwedi di le 2 go ya 3.
Foromokopo e tla nna karolo ya mametlelelo kasete ya mmuso.
<fn>GOV-ZA. Manufacturerimporterbuilder.2010-03-25.tn.txt</fn>
Mongwe le mongwe yo o dirang, agang, fetolang kgotsa go reka dirori go tswa kwa ntle e le kgwebo, kgotsa a di rekisa o tshwanetse go kwadisiwa le Lefapha la Dipalangwa.
Morago ga go amogela kopo, lefapha la porofense le tla romela batlhatlhobi ba lona go sekaseka kopo malebana le go nyalana ga yona le melao e e maleba.
Ikgolaganye le Lefapha la Dipalangwa la porofense ya gago.
khopi e e kannweng ya lokwaloitshupo lwa gago khopi e e kannweng ya setifikeiti sa kgweboa certified copy of the business certificate lekwalo le tetla fa o emetse setlamo nomoro ya Khoutu ya Custom go tswa go Tirelo ya Lekgetho ya Aforika Borwa setifikeiti sa tumelelo go tswa go Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa.
Kopo e e diragadiwa ka lona letsatsi leo mme setifikeiti sa kwadiso se rebolwa letsatsi le le latelang.
<fn>GOV-ZA. MaternityBenefitsUIF.2010-03-25.tn.txt</fn>
Maitlhomo a dipoelo tsa boimana ke go tlhatswa diatla monnaleseabe yo o maleba ka paka ya boimana le go nna kwa gae.
Kopo e tshwanetse go dirwa kwa tshimologong ya llifi ya boimana kgotsa mo dikgweding tse thataro tsa go belegwa ga ngwana.
Monnaleseabe o tshwanetse go bo a a amogela kwa tlase ga moputso o o tlwaelegileng fa a le mo llifing ya boimana.
Go ikaegilwe ka matsatsi a a kokoantsweng, dipoelo di ka duelo go fitlha go matsatsi a le 121.
Mo ntlheng ya go senyegelwa ke boimana kgotsa bana ba belegwe ba tlhokafetse, tuelo e dirwa mo sebakeng sa go fitlha go dibeke tse thataro.
Setifikeiti sa boitekanelo se se netefatsang boimana le/kgotsa botsalo se tshwanetse go tlisiwa.
Etela tikwatikwe ya badiri go bona diforomo tse di maleba.
Tlatsa le go busetsa diforomo tse le setifikeiti sa boitekanelo go tikwatikwe ya badiri.
Tlaya o tshotse lekwaloitshupo la gago le letala la bakhoutu ya ditlhakapalo tse 13.
Gakologelwa go tlamela ka dintlha tse di maleba tsa banka jaaka o di netefaditse le banka ya gago.
Morago ga go amogela ditlankana tsotlhe tse di maleba UIF e solofetsa go konosetsa ditleleimi mo dibekeng tse thataro.
Tirelo e ke ya mahala.
<fn>GOV-ZA. MininPermit.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tumelelo ya moepo ke tokomane e e fiwang ke Lefapaha la Diminerale le Maatla e e go dumelelang go dira ditiro tsa moepo. Ga go motho ope yo o letlelelwang go epa kwa ntle ga go bona tumelelo pele.
Tumelelo ya moepo ga e fetesediwe kwa mothong yo mongwe. Maikealelo a yona ke go laola potielo le meepo gape go tlhokometswe pholo le pabalesego, taolo ya tikologo le go ntsha dimenerale ka maikarabelo.
Tumelelo ya moepo e letleletswe go dirisdiwa fela mo nakong e e kailweng mo tumelelong, fela ga e a tshwanelo go feta dinyaga di le pedi. Le fa go ntse jalo, e ka nna ya ntšhwafadiwa dipaka di le tharo tse di sa feteng dinyaga di le tharo paka nngwe le nngwe.
menerale o go buiwang ka ona o ka epiwa dinyaga di le pedi ka go tswelela.
karolo e go epiwang mo go yona e se ke ya feta dimetara di le 1.5m²ka bogolo.
Ga go motho yo mongwe gape yo o nang le ditshiamelo tsa potielo, ditshiamelo tsa moepo, tumelelo ya moepo kgotsa tumelelo ya tshwaro ya menerale o o tshwanang gape mo nageng e e tshwanang.
Dira kopo kwa kantorong ya Mookamedi wa Kgaolo wa Lefapha la Dimenerale le Maatla mo kgaolong e lefelo le leng mo go yona.
Tlatsa Foromo F: Kopo ya moepo, mme e bonwa kwa kantorong ya Motsamaisi wa Kgaologo. O ka nna gape wa e sitlhomolola go tswa fa tlase.
Foromo e tshwanetse go romelwa ga mmogo le tuelo e e beilweng e o se kitlang o e busediwa kwa go Mookamedi wa Kgaolo ya lefelo le, le leng mo go yona.
Dira kopo kwa kantorong ya Mookamedi wa Kgaolo wa Lefapha la Dimenerale le Maaatla o kgaolo e lefelo le leng mo go yona.
Mookamedi wa Kgaolo o tla rebola kopo fa ditlhokego tsotlhe di neetswe.
Fa Mookamedi wa Kgaolo a ka amogela kopo ya gago, o tla go kopa go romela lenane la tsamaiso ya tikologo le go rerisana le mong wa lefelo, monni wa semolao, kgotsa motho mongwe le mongwe yo o amegang.
Romela tumalano ya dipuisano go Mookamedi wa Kgaolo mo malatsing a le 30.
Fa ditlhokego tsotlhe tse di setse di diragaditswe, Mookamedi wa Kgaolo o tla romela lekwalokopo la gago kwa go Tona go le sekaseka.
Mookamedi wa Kgaolo o tla go itsise mo malatsing a le 14 fa e le gore kopo ya gago e amogetse, se e le sesupo sa gore o neetse ditlhokego tsotlhe.
Fa Mookamedi wa Kgaolo a sa amogele kopo ya gago, o tla busa kopo ya gago mo malatsing a le 14.
Tlhotlhwa e laolwa ke lefapha mme madi a teng ga a busediwe.
Tlhotlhwa e tla farologana go ya ka minerale o o tla epiwang.
<fn>GOV-ZA. MiningRight.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tshwanelo ya moepo ke tetla e o e bonwang go tswa mo pusong mme e dirwa ke Lefapha la Dimenerale le Maikatlapelo e e go nayang maatla a go epa dimerale mo lefelong le le rileng.
Lenane la go duelela didiriswa di tsamaelana le tiro e moepo o ikaelelang go e dira le sebaka se se tla tsewang.
Mokopi o setse a dirile dipaakanyo tsa ditšhelete malebana le lenane la loago le ditiro.
Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, ikgolaganye le ba Lefapha la Dimenerale le Maikatlapelo.
Dira kopo kwa ofising ya Mookamedi wa Kgaolo wa Lefapha la Dimenerale le Maikatlapelo mo kgaolong e lefatshe le leng mo go yona.
Tlatsa foromo D: Kopo ya ditshwanelo tsa moepo e o ka e fitlhelang kwa kantorong ya Mookamedi wa Kgaolo. Foromo e ka pagololwa le mo saeteng mo tsebeng e.
O ka isa foromo ka bowena kgotsa ka poso e e kwadisitsweng go Mookamedi wa Kgaolo o lefatshe le leng mo kgaolong ya gagwe.
Foromo e tshwanetse go tlisiwa le tuelo e o se kitlang o e busediwa jaaka e tlhomamisitswe ke Mookamedi wa Kgaolo.
O ise lenane la tsamaiso ya tikologo go rebolwa.
Itsise le go rerisana le batho botlhe ba ba amegang mo malatsing a le 180 go tloga ka letsatsi le kitsiso e dirilweng ka lona.
Mookamedi wa Kgaolo o tla go itsise fa kopo ya gago e amogetswe, se se raya gore o fitlheletse ditlhokego tsotlhe mo malatsing a le 14 a amogetse kopo ya gago mme o tla go kopa go rerisana le mong wa lefatshe, motho yo o nnang mo go lona le batho botlhe ba ba amegang.
Fa kopo ya gago e sa amogelwa, Mookamedi wa Kgaolo o tla go busetsa kopo ya gago mo malatsing a le 14.
Fa Tona a gana go aba tshwanelo ya moepo, o tshwanetse go go itsise ka lekwalo, mo malatsing a le 30, a tlhalose mabaka a a dirang gore a gane.
Tlhotlhwa e tla tlhomamisiwa ke ba Lefapha mme e bile ga e kitla e boela kwa bakoping.
Tlhotlhwa e tla farologana go ya ka dimenerale tse di rafiwang.
<fn>GOV-ZA. Missingpersons.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tirelo e e kgontsha maloko a setšhaba go bega motho yo o timetseng. O ka bega motho yo o timetseng fa fela o belaela gore sengwe se se phoso se ka tswa se mo diragaletse.
Ga go nako e e beilweng go ka bega motho yo o timetseng. Fa motlhankedi wa sepodisi a go bolelela se se farologaneng, kopa go bua le yo mogolo mo go ena ka maemo, mme o tswelele go dira jalo go fitlha o bona thuso e e maleba. Go bona tshedimosetso ka bana ba ba timetseng, etela South African Centre for Missing Children.
Fa o belaela gore mongwe o timetse, leka go ikgolaganya le ena pele.
Fa o sa kgone go mo fitlhelela, eya kwa seteišeneng sengwe le sengwe sa maposidi kgotsa tikwatikwe ya ditirelo tsa batho ka bonako.
Neela tshedimosetso e e maleba ka motho yoo, segolo, setshwantsho sa nakwana eo.
Tlatsa foromo ya SAPS 55 mme o saene foromo ya maikano e e sireletsa Ditirelo tsa Sepodisi sa Aforika Borwa kgatlhanong le dipegelo tse e seng tsa boammaaruri.
Fa motho yo o timetseng a bonwe, eya kwa seteišeneng sa mapodisi kwa a begilweng teng go itsise mapodisi kgotsa motlhankedi yo o batlisisang kgetse eo.
Tlatsa foromo ya SAPS 92 go phimola kwadiso e o e dirileng.
O ka bega motho yo o timetseng kwa seteišeneng sengwe le sengwe sa mapodisi, e seng fela mo lefelong le go belaelwang motho yoo a timetse mo go lona.
Tirelo e ke ya mahala.
<fn>GOV-ZA. Motortradenumber.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tirelo e e diretswe badiri, baagi, baromelateng, borakonteraka ba dirori le barekisi ba dirori. Nomoro ya kgwebisano ya dirori e letla badiri, baagi, baromelateng, borakonteraka ba dirori le barekisi ba dirori go kgweetsa serori se se sa kwadisiwang mo tseleng ya botlhe.
badiri go tsamaisa, rekisa, fetola kgotsa go baakanya serori borakontereka ba dipalangwa tsa dirori go isa serori kwa lefelong le lengwe barekisi ba dirori go isa serori kwa lefelong lengwe, kgotsa baromelateng go isa serori kwa lefelong le lengwe.
Tlatsa foromo ya MTN 1 kwa kantorong ya gaeno ya pharakano.
Tlhalosa gore ke ka ntlha ya eng o tlhoka nomoro ya kgwebisano le palo e e tlhokegang ya dinomoro tsa kgwebisano.
khopi ya lekwaloitshupo la gago kgotsa lekwalo la kemedi fa o emetse setheo sa gago setifikeiti sa kwadiso ya kgwebo.
Duela madi a kopo.
Kopo e diragadiwa ka lona letsatsi leo.
<fn>GOV-ZA. Mzansiaccount.2010-03-25.tn.txt</fn>
Akhaonto ya Mzansi ke tirelo e e tsamaisiwang ke Diposokantoro tsa Aforika Borwa go direla batho. Ke mokgwa o o siameng wa go amogela le go ntsha dituelo tsa badirisi. O tla netefaletswa gore madi a gago a bolokegile ka ntlha ya gore ga go na dituelo tsa kgwedi le kgwedi, gape o tla bona morokotso mo akhaontong ya gago. Ga go madi a dituelo tse di beetsweng seelo. Ga o tlhoke setlankana sa tshupotuelo go bula akhaonto ya Mzansi. Motho mongwe le mongwe a ka bula akhaonto. Ga go melawana e o e sekasekang pele o bula akhaonto, jaaka letseno le le tlhokegang. O ka batla go dirisa ditirelo tsa Poso Kantoro di ka feta 1300 mo makaleng le mo metšheneng e e 8000 ya go ntsha madi. Ga o duele sepe nako le nako fa o ntsha madi mo dikhaontareng tsa Poso Kantoro.
Ela tlhoko: Bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse di dumeletsweng go bula akhaonto ba tlhoka go tla le batsadi/batlhokomedi ba bona ba semolao fa ba bula akhaonto.
E ya kwa Posong e e gaufi le wena mo Aforika Borwa mme o botse mmalamadi go go neela foromokopo.
Bontsha lokwaloboitshupo/pasa ya gago.
Neelana ka bosupi ba aterese ya bonno. Jaaka karolo ya Molao wa Tshedimosetso ya Sephiri ya Matlole. Mokopi o tshwanetse go tlhagisa bosupi jwa aterese ya bonno. Se se ka dirwa ka mokgwa wa dituelo mmasepala Fa o le mohiri, go tla tlhokega gore o neele khopi ya lekwalo la tuelano ya khiro.
Bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse di rileng, ba ba se nang boikarebelo mme ba eletsa go bula diakhaonto, ba tshwanetse go tla le batsadi kgotsa batlhokomedi ba semolao.
Ela tlhoko: O ka dirisa akhaonto mo makaleng a le 1300 a Diposo Kantoro le metšhene ya Saswitch e o kgonang go ntsha madi a a fetang 8000.
Diforomokopo di teng mo Diposo Kantorong tsotlhe go ralala naga.
<fn>GOV-ZA. Notificationofamendments.2010-03-25.tn.txt</fn>
Maikaelelo a tirelo e ke go itsise Mokwadise wa Dikhamphane ka ga diphetogo tse di mo kgwebong ya gago e e kwadisitsweng. Diphetogo tse di farologana go tswa go maloko a mantšhwa a a tsenngwang mo kgwebong kgotsa a a ikgogelang morago, go fitlha ka go amogelwa ga ramatlotlo, diaterese tsa poso jalo-jalo.
Diphetogo di tshwanetse go rekotiwa mo Kemong ya Tlhabololo ya Motheo . Dintlha tsa botlhokwa malebana le go tladiwa ga diforomo tsa CK2 di kwadilwe mo tsebeng ya morago ya tsebe 2 mme e bile di tshwanetse go ithutiwa pele diforomo di tladiwa.
Sitlholola foromo ya kopo CK2 mme o tlatse dikarolo tse di leng maleba go wena.
Tlatsa karolo A fa e le gore go nnile le phetogo ya leina la CC kgotsa sebopego tsa kgwebo.
Tlatsa foromo CK2A malebana le diphetogo tsa ramatlotlo kgotsa aterese ya kgwebo. Tlatsa karolo B ya foromo fa go na le diphetogo tsa dintlha tsa maloko.
Tlatsa diforomo CK2 le CK2A ka enke e ntsho, o dirisa ditlhaka tse dikgolo.
Romela foromo ya motheo ya CK2 kgotsa CK2A kwa ofising ya Ikwadiso ya Kgwebo e e Kopetsweng.
O tshwanetse go romela khopi e e kanisitsweng ya setefikeiti sa ikwadiso ya CC.
Romela makwaloitshupo a maloko a a amegang a CC.
Duela madi a a tlhokegang.
Diforomo tse di phimotsweng le go kwalwa gape ga di kitla di amogelwa. Fa diphetogo di setse di konoseditswe, setefikeiti se se tlhomamisang kwadiso ya ditlhabololo se tla romelwa kwa Kgwebong e e kopetsweng ka poso.
Tirelo e ka tsaya malatsi a le robedi go konosediwa.
Karolo A ya CK2 e tla nna R30.
<fn>GOV-ZA. NotifyNedlac.2010-03-25.tn.txt</fn>
Karolo ya bo 77 ya Molao wa Dikamano tsa Ditiro wa 1995, o neela badiri dithata tsa go tsaya karolo mo boipelaetsong go rotloetsa kgotsa go sireletsa dikgatlhegelo tsa selegae le moruo mme e di sireletse kgatlhong le go belesediwa mo tirong le tse dingwe tsa dikgato tsa kgalemo. Se se naya Khansele ya Bošetshaba ya Tsweletsopele ya Moruo le Ditiro - jaaka mokgatlho o dirang melawana mme o bopilwe ke baemedi go tswa pusong, kgwebong, badiring le setšhabeng - tiro ke ya go kopanya maphata mmogo ka maikaelelo a go rarabolola mathata a go dira boipelaetso.
Nedlac e tshwanetse go itsisiwe ka ga boipelaetso mo foromo e e rileng . Mo foromong e mabaka le mofuta wa maikaelelo a go batla go dira boipelaetso a tshwanetse go tlhagisiwa ka tlhomamo. Se ga se tsenyeletse letlha leo boipelaetso bo ikaelelwang go diragadiwa ka lona, ka se se ka nyatsa mokgwa wa go bona tumalano.
Fa maiteko a go bona tharabololo a retelelwa, mokgatlho kgotsa mekgatlho e e kopaneng ya badiri e tshwanetse go neelana ka kitsiso ya bobedi go Nedlac mo ba itseseng ka maikaelelo a bona go tswelela ka go dira boipelaetso. Kitsiso ya bobedi e tshwanetse go neelwa Nedlac mo tekanong ya bonnye jwa malatsi a le 14 pele ga boipelaetso bo simolola.
Itsise Nedlac ka maikaelelo a mokgatlho wa badiri a go tsweletsa boipelaetso.
Mokwaledi wa mokgatlho wa badiri kgotsa mekgatlho e e kopaneng ya badiri e tshwanetse go tlatsa foromo ya kopo.
Nedlac e tshwanetse go amogela foromo bonnye malatsi a le 14 pele ga dira boipelaetso.
Ditirelo ga di duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Notifychangeofaddress.2010-03-25.tn.txt</fn>
Se ke go itsise Lefapha la Dipalangwa ka ga phetogo ya aterese ya yo serori se leng mo diatleng tsa gagwe kgotsa mong. Botlhe ba dirori di leng mo diatleng tsa bona kgotsa beng ba tshwanetse go netefatsa gore diaterese tsa bona tse di tlhagelelang mo kwadisong ya dirori di nepagetse.
Etela kantoro e e gaufi nao ya tsa pharakano.
Tlatsa le go isa foromo ya kitsiso.
khopi ya Lekwaloitshupo la gago bopaki jwa aterese ya bonno e ntšhwa.
Kopo e e diragadiwa ka lona letsatsi leo.
Ditirelo ga di duelelwe.
Diforomo tse tsa kopo di ka bonwa kwa kantorong ya pharakano.
<fn>GOV-ZA. Notifyownershipchange.2010-03-25.tn.txt</fn>
Se ke go neela bothati jo bo kwadisang tsa pharakano kitsiso ya gore mong wa serori o fetotswe. Kitsiso e tshwanetse go romelwa go bothati jo bo kwadisang mo matsatsing a le 21 go tloga ka letsatsi le diphetogo tseo di diragatseng ka lona.
Yo serori se leng mo diatleng tsa gagwe kgotsa mong o tshwanetse go saena setifikeiti sa ga jaana sa kwadiso mme a se neele mong yo mošwa.
setifikeiti sa kwadiso ya serori sekgomaretswa se se dirang sa laesense lekwaloitshupo.
Kopo e e diragadiwa ka lona letsatsi leo.
Ditirelo ga di duelelwe.
Kitsiso ya phetolo ya mong kgotsa thekiso ya serori e ka bonwa kwa kantorong ya tsa pharakano.
<fn>GOV-ZA. Occupationaccident.2010-03-25.tn.txt</fn>
Molao wa Tuelelo ya Dikgobalo le Malwetse a mo Tirong, 1993, o batla gore bathapi ba bege dikotsi tsotlhe tse di tlhagelelang mo tirong kwa Letloleng la Pusetso.
Bathapi ba tshwanetse go tlatsa Karolo A ya foromo ya W. Cl.2.
Bathapi ba tshwanetse go gagola Karolo B ya foromo ya W. Cl.2 mme ba e neele ngaka kgotsa bookelo go e tlatsa ka bonako jo bo kgonegang morago ga kotsi.
Bathapi ba tshwanetse go romela Karolo A ya foromo e e tladitsweng go Letlole la Pusetso ka bonako jo bo kgonegang morago ga kotsi.
Bathapi ga ba tlhoke go emela Karolo 2 ya foromo e e tladiwang ke ngaka pele ba ka romela tleleimi. Morago fela ga fa bathapi ba sena go amogela karolo ya foromo ya ngaka, le yona ba ka e romela.
Bathapi ba tshwanetse go duela moputso go modiri mo dikgweding tse tharo tsa ntlha morago ga kotsi. Letlole la Pusetso le tla busetsa mothapi tuelo eo.
Bathapi ba tshwanetse go romela pegelo ya ntlha ya ngaka fa ba sena go e bona go tswa kwa ngakeng.
Fa modiri a sa kgone go boela tirong sebaka se seleele, bathapi ba tshwanetse go bona pegelo e nngwe ya ngaka mme ba e romele kwa Letloleng la Pusetso kgwedi nngwe le nngwe.
Fa modiri a simolola go dira gape, bathapi ba tshwanetse go romela pegelo ya tshimololo gape le pegelo ya bogelo ya ngaka kwa Letloleng la Pusetso.
Se se tla ikaega ka gore a tshedimosetso yotlhe e tladitswe sentle.
Tirelo e ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. OperFishProcEst.2010-03-25.tn.txt</fn>
Lefelo la tsamaiso ya paakanyo ya ditlhapi ke koloi, mokoro, ntlo kgotsa lefelo mo sere kgotsa ketla e ntshiwang mo tlhaping. Sere se ka baakanngwa ka mokgwa ofe kapa ofe jaaka go sega, go se kgaola, go se kgaoganya ka diripana, go se phepafatsa, go se rulaganya ka mefuta e e tshwanang, go lolamisa kgotsa go boloka tlhapi. Lefelo le, le akaretsa le lefelo le tlhapi e tsenngwang mo thining, e phuthelwang, e omisiwang, e buiwang, e nokiwang letswai, go tsenngwa mo setsidifatsing, go gatsetsiwa kgotsa go e baakanyetsa go rekisiwa mo Repaboliki ya Aforika Borwa kgotsa kwa dinageng tsa kwa ntle.
Fa o batla go tsaya karolo mo tsamaisong ya paakanyong ya tlhapi, sa ntlha o tshwanetse go dira kopo ya FPE/ tshwanelo ya go baakanya tlhapi mme o abelwe tshwanelo e. Go diragatsa tshwanelo ya go baakanya tlhapi kgotsa go tsamaisa lefelo la go baakanya tlhapi, FPE, o tshwanetse go dira kopo ya phemiti e e ntšhwafadiwang ngwaga mongwe le mongwe e e tla abiwang ke Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala . Mong wa phemiti o tshwanetse go latela melawana e e kwadilweng mo phemiting. Fa mokopi a ka palelwa ke go latela melawana e, phemiti e ka beelwa kwa thoko nakwana kgotsa ya khanselwa.
O ka dira kopo ya tshwanelo ya go thaya ditlhapi fa o laleditswe go dira jalo go tswa mo legatisong la Kuranta ya Puso.
Fa o dira kopo, bona foromo go tswa kwa dikantorong tsa Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala , kgotsa go tswa mo mafelong a Lefapha le go isiwang diforomo mo go ona jaaka ba tla itsise batho.
Buisa ka kelotlhoko mme o netefatse gore o tlhaloganya tsotlhe sentle le gore o kgotsofatsa ditlhokego tse di beilweng.
Tlatsa foromo, o e saene o bo o e ise ga mmogo le ditokomane tse di kanetsweng tse di tlhokegang o bo o tsenye le madi a tuelo a o ka se a busediweng.
Dithulaganyo tsa go sekaseka dikopo di tla simolola morago ga letlha la bofelo la go tsenya dikopo mme dipholo di tla itsisiwe ka lekwalo go tswa go DEA&T. Fa e le gore o abelwa tshwanelo ya FPE, o tshwanetse go dira kopo ya go tlhoma lefelo la tsamaiso ya paakanya ditlhapi mme o tshwanetse wa bo o kgotsofatsa ditlhokego tsotlhe pele o ka fiwa phemiti.
Thebolo ya go tlhoma lefelo la tsamaiso ya/go baakanya ditlhapi e ka sekasekiwa ka fa tlase ga maemo a a kgethegileng, mme se se ka dirwa go ya ka kakanyo ya Tona ya Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala.
Fa thebolo ya FPE e abiwa, o tshwanetse go dira kopo ya go tlhoma lefelo la tsamaiso/go baakanya ditlhapi.
Kopo ya tshwanelo ya go tlhoma lefelo la FPE e ka tsaya dikgwedi di le 1 go ya go 3 kgotsa go feta, go ya fela ka bontsi jwa dikopo. Kopo ya phemiti ya go tlhoma lefelo la tsamaiso/go baakanya ditlhapi FPE e ka tsaya letsatsi le le 1 kgotsa go feta, go ya fela le gore o dirile kopo ya gago ka tshwanelo.
Dituelo di sekasekiwa ke Tona kgotsa baaemedi ba gagwe, ka tirisano le Tona ya Matlotlo.
R6 000 - Go dira kopo ya FPE/tshwanelo ya go thaya ditlhapi: go tlhoma lefelo la tsamaiso ya go baakanya ditlhapi.
R1 330 e tlhakana le tuelo ya kopo R125 - Kopo ya phemiti ya go thaya ditlhapi: go tlhoma lefelo la tsamaiso ya go baakanya ditlhapi.
<fn>GOV-ZA. Operatereservedpostalservice.2010-03-25.tn.txt</fn>
Ditirelo tsa poso tse di lekanyeditswe di akaretsa makwalo otlhe, makwalokarata, dilo tse di gatisitsweng, diphasele tse dinnye le dilwana tse dingwe tsa poso. Laesense e neela mong tshwanelo ya go tsamaisa tirelo ya poso e e lekanyeditsweng mme e mo neela maikarabelo a a tlhagelelang mo karolong 16 ya Molao wa Ditirelo tsa Poso, 1998.
Ela tlhoko: Go newa dilaesense ga mafelo a a lekanyeditsweng go tla diragala fela fa Tona a sena go phasalatsa taletso ya go dira kopo. Ga jaana, Kantoro ya Poso ya Aforika Borwa ke sona setheo fela se se nang le laesense. Ga go ope yo o tshwanetseng go tsamaisa tirelo ya poso e e lekanyeditsweng ntle le fa a na le laesense ya go dira jalo.
Tlatsa foromo ya kopo ka go tlanya o dirisa ditlhakakgolo.
Romela foromo ya kopo e na le madi a kopo kwa ICASA.
Dikopo tse di sa tlalang di tla busediwa modirakopo mme ga go kitla go tsewa maikarabelo ape a kgoreletso.
Laesense e ka bonwa morago ga matsatsi a le 30.
Kopo ya go kwadisiwa go tsamaisa ditirelo tsa poso tse di lekanyeditsweng. Tsweetswee ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.
<fn>GOV-ZA. Oreturnforfirstpaymentofprovisionaltax.2010-03-25.tn.txt</fn>
Fa mongwe a amogela letseno le le duediswang lekgetho le le sa laolweng SITE kgotsa PAYE o tshwanetse go duela lekgetho la nakwana mo letsenong le. Dituelo tsa lekgetho la nakwana di dirwa ka nako ya sebaka sa dikgwedi di le thataro.
Lekgetho la nakwana le ikaeletse go thusa baduelalekgetho gore ba kgone go duela melato tsa bona mo nakong e e tswelelang go na le go duela madi a mantsi gangwe mo tshekatshekong ya ngwaga. Lekgetho le le duetsweng la nakwana le tla tlosiwa go lebeletswe letseno la bofelo la lekgetho gore motho ka nosi a tshwanele ke go duela ngwaga o o maleba wa tshekatsheko.
Motho yo o tshwanetseng ke go duela molato wa tuelo ya lekgetho la nakwana, o tshwanetse gore mo malatsing a le 30 a go kolota, a dire kopo ya go ikwadisa ka lekwalo kwa kantorong ya lekala la selegae mo Madirelong a Aforika Borwa a Lekgetho . Go retelelwa ke go dira jalo go tla tlhola morokotso le dikwatlhao tse di tla duedisiwang mo dituelong tse di thari le lekgetho la tlaleletso tsa go neelwa go go thari ga dipoelo.
Letlha la tuelo ya lekgetho la nakwana mo pakeng ya ntlha, e mo magareng ga dikgwedi di le thataro kwa tshimologong ya ngwaga wa tshekatsheko. Tshekatsheko ya ntlha ya nakwana e tshwanetse go emela seripa sa sekoloto sa lekgetho mo ngwageng o o tletseng wa lekgetho.
seripa sa lekgethogotlhe la ngwaga o o tletseng bonnye jwa lekgetho le le gogiwang la mothapiwa mo pakeng e bonnye jwa molato wa lekgetho la kwa ntle mo pakeng e.
Dira dituelo mo foromong e e kaillweng ya IRP6 ya lenane la keletso ya tuelo, ka kgotsa pele ga letlha la go duela tuelo. SARS e tla romela baduelalekgetho la nakwana diforomo tse di maleba.
dituelo tsa lekgetho la lobakanyana di ka dirwa kwa kantorong ya lekala lengwe le lengwe la SARS, Mosupologo go fitlha Labotlhano, magareng ga 08h00 le 15h30, ntle le ka matsatsi a boikhutso a botlhe fa dituelo di dirwa ka poso, ka banka kgotsa ATM, go tshwanetse ga elwa tlhoko nako e e lekaneng ya go posa kgotsa go diragatsa tuelo fa dituelo di dirwa ka mokgwa wa phetisetso ya ileketeroniki, go tshwanetse ga elwa tlhoko dinako tsa banka tsa tswalelo le sebaka sa go nna teng ga madi se se ka tsayang magareng ga matsatsi a mabedi go ya go a matlhano.
Badirisi ba ba duelang kwa lekaleng la ABSA, FNB, kgotsa Nedbank ba ka se tlhole ba tlhoka go neelana ka nomoro ya akhaonto le khoutu ya banka fa ba duela. Go fela jalo le ka badirisi ba banka ya inthanete ya ABSA, FNB, Nedbank, le Standard Bank.
ID / nomoro ya akhaonto ya mmoelwa e e golaganngwang le mofuta o o rileng wa lekgetho go dira dituelo.
Dintlha tse di tlhagelela mo setlankaneng sa tuelo mo poelong ya IRP 6.
Dituelo tse di sa nyalaneleng le nomoro ya referense le ID ya mmoelwa tse di kailweng fa godimo ga di kitla di amogelwa.
Fa letsatsi la bofelo la tuelo le wela mo letsatsing la boikhutso la botlhe kgotsa mafelo a beke, tuelo e tshwanetse go dirwa mo letsatsing la bofelo pele ga letsatsi la boikhutso la botlhe kgotsa mafelo a beke. Go bona dintlha tse dingwe etela webosaete ya SARS, www.sars.gov.
Dipoelo tsa IRP6 di tshwanetse go romelwa mo pakeng ya ntlha le fa go ya ka go bala ga gago, go se na lekgetho la nakwana le le duelwang.
Fa tuelo ya lekgetho la nakwana e ikaegile ka phopholetso ya letseno la lekgetho le le leng ka fa tlase ga palo ya selekanyo se se beilweng, kopo le mabaka a akarediwe. Dipoelo tsa IRP6 ya paka ya ntlha jaanong e akaretsa sebaka fa o tshwanetseng go neela mabaka a kopo. Fa SARS e sa kgotsofala, tekanyetso e e boeledistweng gape e ka nna ya kopiwa.
Go tila dikwatlhao le merokotso, dira gore dipoelo tsa IRP6 ke tsebe e le nnngwe. Dipoelo tsa gago ka Lenane la gago le ka jalo romelwa ka nosi go tswa tuelong.
Karolo ya setlankana sa tuelo sa dipoelo tsa IRP 6, di mo tsebeng e e farologaneng Jaanong. Ka jalo dipoelo tsa gago di ka tsenngwa kwa thoko go tuelo ya gago.
Leba Dikaelo tsa IRP 12 fa o batla thuso fa o tlatsa dipoleo tsa gago tsa IRP6.
SARS e tlhagisitse maemo a tirelo a a tla tsenngwang tirisong mo dingwageng tse pedi.
tlhotlha le go sekaseka 80% tsa diforomo tse di tladitsweng sentle e bile di saenilwe tsa dipoelo tsa lotseno mo matsatsing a le 90 go tloga ka letlha la kamogelo mo dipakeng tsa tiro e ntsi le mo matsatsing a tiro a le 34 a tiro go tloga ka letlha la kamogelo ka dipaka tse tiro e seng ntsi tlhotlha dipoelo tsa VAT le PAYE mo matsatsing a le 20 a tiro go tloga ka letsatsi la kamogelo tlhotlha 90% tsa diforomo tsotlhe tse di rometsweng ka mokgwa wa ileketeroniki tsa dipoelo tsa diromelwantle diromelwateng mo diureng tse 4 tsa kamogelo le mo diureng tse 24 tsa kamogelo ya diforomo tse di tlisiwang ka seatla.
Fa moemedi a dira ka merero ya gago ya lekgetho, go botlhokwa go netefatsa gore SARS e itsesiwe ka ntlha e. Se ke go go sireletsa le go netefatsa gore SARS ga e mpampetse sephiri le khupamarama ya gago.
Tirelo e ga e duelelwe.
SARS e tla romela diforomo go ikwadisetsa lekgetho la nakwana la baduelalekgetho. Setlankana sa tuelo se tshwanetse ka gale se gokelelwe mo poelong ya IRP6 nngwe le nngwe.
<fn>GOV-ZA. Oreturnforsecondprovisionaltaxpayment.2010-03-25.tn.txt</fn>
Fa motho a amogela lotseno lo lo tlhokang gore a duelwe lekgetho SITE kgotsa PAYE, , motho mongwe le mongwe o tshwanetse go duela lekgetho la lotseno lwa lobakanyana. Dituelo tsa lekgetho la lobakanyana di dirwa mo nakong ya dikgwedi di le thataro.
Maikaelelo a Lekgetho lwa lobakanyana ke go thusa batho ba ba duelelang lekgetho gore ba kgone go atlega mo bokgoning jwa bona mo nakong e e tsweletseng pele, kgatlhanong le go duela madi a a kwa godimo gangwe mo ngwageng wa tlhatlhobo ya ditšhelete. Tuelo ya lobakanyana e tla nna go koafatsa lekgetho la bofelo la lotseno. le motho a tshwanetseng go le duela mo ngwageng o o tshwanetseng wa tlhatlhobo.
Motho yo o patelesegang go duela lekgetho la lotseno lwa lobakanyana, o tshwanetse gore mo malatsing a le 30 a patelesegego dira kopo ka lekwalo gore a ikwadise mo lekaleng la mo gae la Tirelo ya Makgetho ya Aforika Borwa . Go sa nneng jalo, go tla nna le tsalo le dikotlo tsa lekgethwana tse di tla bewang fa o duetse morago ga nako le lekgetho le lengwe gape la go romelwa diforomo tsa lekgetho mo nakong e e fetileng.
Nako e e beilweng ya go romela lekgetho la bobedi la lobakanyana e ka se nne morago ga nako ya ngwaga ya ditlhatlhobo tsa ditšhelete kgotsa ngwaga wa bofelo o o rebotsweng wa matlole. Makgetho otlhe a mangwe a tla sala mo bofelong jwa ngwaga wa matlole o o felelang ka 28/29 Tlhakole.
Mo go felelang ngwaga wa matlole a ditšhelete teng, go nna le mathata a matlole mme thebolo e ntshitswe go tswa go SARS go tlisa ditlankana/diresiti tsa matlole mo letlheng lengwe e seng mo bokhutlong jwa kgwedi ya Tlhakole. Batho ba go nna jalo ba ka kopa thebolo ya diforomo tsa lekgetho ga mmogo le thebolo ya matlole ya ngwaga. Lotseno lotlhe lona lo tla sala mo bokhutlong jwa kgwedi ya tlhatlhobo ya ditšhelete ya Tlhakole, 28/29.
palogotlhe e e lekanyeditsweng ya lekgetho le le tletseng o ntsha lekgetho le le dueletsweng mothapiwa mo ngwageng o o tletseng o ntsha dikeretiti tse tsa lekgetho la boditšhaba mo ngwageng o o tletseng o ntsha madi a a duelwang mo nakong ya ntlha.
Dira dituelo mo foromong ya IRP6 e e neilweng ya lenaneo la dituelo la kgakololo, ka kgotsa pele ga nako e e beilweng. Ditsela tse di farologaneng tsa go duela SARS tsona ke tse di latelang.
Dituelo tsa lekgetho la lobakanyana di ka dirwa kwa kantorong ya lekala lengwe le lengwe la SARS, Mosupologo go fitlha Labotlhano, magareng ga 08h00 le 15h30, ntle le ka matsatsi a boikhutso a botlhe.
Fa dituelo di dirwa ka poso, ka banka kgotsa ATM, go tshwanetse ga elwa tlhoko nako e e lekaneng ya go posa kgotsa go diragatsa tuelo.
Fa dituelo di dirwa ka mokgwa wa phetisetso ya ileketeroniki, go tshwanetse ga elwa tlhoko dinako tsa banka tsa tswalelo le sebaka sa go nna teng ga madi se se ka tsayang magareng ga matsatsi a mabedi go ya go a matlhano.
Badirisi ba ba duelang kwa lekaleng la ABSA, FNB, kgotsa Nedbank ba ka se tlhole ba tlhoka go neelana ka nomoro ya akhaonto le khoutu ya banka fa ba duela. Go fela jalo le ka badirisi ba banka ya inthanete ya ABSA, FNB, Nedbank, le Standard Bank.
ID / nomoro ya akhaonto ya mmoelwa e e golaganngwang le mofuta o o rileng wa lekgetho go dira dituelo.
Dintlha tse di tlhagelela mo setlankaneng sa tuelo mo poelong ya IRP 6.
Dituelo tse di sa nyalaneleng le nomoro ya referense le ID ya mmoelwa tse di kailweng fa godimo ga di kitla di amogelwa.
Fa letsatsi la bofelo la tuelo le wela mo letsatsing la boikhutso la botlhe kgotsa mafelo a beke, tuelo e tshwanetse go dirwa mo letsatsing la bofelo pele ga letsatsi la boikhutso la botlhe kgotsa mafelo a beke.
Mananeo a IRP6 a nako ya bobedi a tshwanetse go romelwa, le fa e le gore go ya ka palelo ya gago ga go na lekgetho la lobakanyana le le duelwang.
Tuelo ya bobedi ya lekgetho la lobakanyana e tshwanetse go itshetlega ka lotseno lwa lekgetho le le lekanyeditsweng le le lekanang le kgoboko ya motheo kgotsa kgoboko e e theilweng mo kgobokong e e rileng mo ngwageng.
O ka nna wa pateletswa go duela lekgetho le lengwe gape le le tshwanetseng SARS fa e le gore lekgetho la gago le le lekanyeditsweng le ka fa tlase ga 90% ya lotseno lwa gago le go ntshiwang lekgetho mo go lona, mme le le ka fa tlase ga kgoboko ya gago motheo.
Netefatsa gore mananeo a gago a IRP6 a romelwa ka nako mo dikantorong tsa lekala la SARS ka tshwanelo, pele ga letlha le le beilweng la tuelo. Se, se tla netefatsa gore kopo ya gago e amogetswe le go diragadiwa mo nakong e e letleletsweng, mme o ka se ka wa duelela dikotlo le ditsalo.
Sekgala sa kgakololo sa tuelo mo lenaneong la IRP6 ga jaanong le mo tsebeng ya yona e e kgaogantsweng le tse dingwe. Ka jalo, o ka kgona go romela lenaneo la gago le le nosi kwa ntle ga go romela le tuelo.
Bona ditaelo tsa IRP fa e le gore o batla thuso fa o tlatsa lenaneo la gago la IRP6.
SARS e tlhagisitse maemo a tirelo a a tla tsenngwang tirisong mo dingwageng tse pedi.
tlhotlha le go sekaseka 80% tsa diforomo tse di tladitsweng sentle e bile di saenilwe tsa dipoelo tsa lotseno mo matsatsing a le 90 go tloga ka letlha la kamogelo mo dipakeng tsa tiro e ntsi le mo matsatsing a tiro a le 34 a tiro go tloga ka letlha la kamogelo ka dipaka tse tiro e seng ntsi tlhotlha dipoelo tsa VAT le PAYE mo matsatsing a le 20 a tiro go tloga ka letsatsi la kamogelo tlhotlha 90% tsa diforomo tsotlhe tse di rometsweng ka mokgwa wa ileketeroniki tsa dipoelo tsa diromelwantle diromelwateng mo diureng tse 4 tsa kamogelo le mo diureng tse 24 tsa kamogelo ya diforomo tse di tlisiwang ka seatla.
Fa moemedi a dira ka merero ya gago ya lekgetho, go botlhokwa go netefatsa gore SARS e itsesiwe ka ntlha e. Se ke go go sireletsa le go netefatsa gore SARS ga e mpampetse sephiri le khupamarama ya gago.
Tirelo ga e duelelwe.
Kgakololo ya tuelo e mametleletswe mo lenaneong la IRP6.
<fn>GOV-ZA. Policereservist.2010-03-25.tn.txt</fn>
Motho yo o batlang go nna morasefe wa sepodisi ke tokololo ya setšhaba e e tla dirang nakwana a dira mediro ya sepodising kgotsa ditiro tsa Tirelo ya Sepodisi mo Aforika Borwa go ya ka boithaopi jwa gagwe kwa ntle ga dituelo dipe mo ditirelong tseo.
go diragatsa mediro yotlhe mo dikarolwaneng tsa dikgato tsa sepodisi gongwe kwa lefelong la seteišene kgotsa mo boemong jwa porobensi, fela e seng mediro e e kgethegileng.
o ka nna wa apara yunifomo o tla katisiwa mo dintlheng tse di nepagetseng tsa mediro ya sepodisi.
Morasefe wa Setlhopha sa B - Ditirelo tsa tshegetso go diragatsa ditirelo tse di rileng tsa mediro ya tshegetso mo bokgoning jwa tsamaiso mo maemong a lefelo kgotsa seteišene sa bosetšhaba, sa porofense, mme o ka se ke wa diragatsa mediro ya sepodisi o se ke wa apara yunifomo fa go kgonagalang teng, o katisiwe mo dintlheng tse di nepagetseng tsa molao, tsa pholisi le ditaelo, tse di leng teng mo medirong ya gagwe e e rileng.
o tshwanetse go nna le bokgoni jo bo rileng kgotsa boitseanape jo bo ka diragadiwang ke Tirelo ya Sepodisi , sekao;.mofofane, ngaka/moalafi, bakodumedi, badiredi loago kgotsa ba saekholoji.
o tla diragatsa mediro e e rileng mo lefelong la gagwe la boitseanape o ka apara yunifomo ka thebolo ya molaodi wa gago o ka katisiwa mo dintlheng tsa molao tse di nepagetseng, pholisi le ditaelo tse di leng teng mo modirong wa gago o o rileng.
Morasefe wa Setlhophasa D - Go dira ditiro tsa sepodisi mo makokong a mo magaeng le mo metsesetoropong.
go diragatsa mediro ya sepodisi mo dikarolwaneng la ditiragatso tse di tsamaelanang le dikarolwana tsa sepodisi mo mafelong a metsesetoropong le a magae mo lekokong le le rileng la maemo a seteišene, kgotsa o tla diragatsa fela ditiro mo mafelong a a rileng mo lekokong le le rileng jaaka go tlhomamisitswe ke molaodi.
o ka apara yunifomo, go tla ya le tiriso o tshwanetse go katisiwa mo dintlheng tse di nepagetseng tsa lekoko la sepodisi le/kgotsa mediro ya sepodisi e e tsamaelanang le ditiro tsa gago. Katiso e e oketsang e nngwe e tla batliwa fa e le gore o tla nna le seabe mo ditiragatsong tsa karolo ya sepodisi.
Morasefe yo o tlhophilweng mo setlhopheng sengwe o tshwanetse go ka nna a sutisediwa kwa setlhopheng sengwe le sengwe fa e le gore o obamela ditlhokego tsotlhe tsa setlhopha sengwe se se rileng le gore o dirile kgotsa o ikemiseditse o dira katiso e e batlegang ya setlhopha seo.
o nne bogolo jwa dingwaga tsa go lekana 18, mme o nne ka fa tlase ga dingwaga di le 70 ka bogolo o tlatse lenaneo la boitekanelo la dipotso tse o di neilweng go bona dikarabo tse di tla sekasekiwang go bona fa go na le tshedimosetso e e ka dirisiwang go ya ka fa moikanisi a tlhomamisitseng ka teng ga o na bokoa mo monaganong, bolwetse kgotsa botlhokaboitsetsepelo jo bo ka kopakopanang le bodiragatso jo bo nepagetseng jwa ditiro tsa gago nna motho yo o nang le maitseo, yo mo go ena go tla tshwanelang go bona dipatlisiso tsa maitshetlego a gagwe tse di nepagetseng ka katlego feleletsa teko ya go lekanyetsa bokgoni jwa monagano kgotsa ditlhatlhobo/ditekanyetso tse di tlhomamisitsweng ke Moikanisi wa Bosetshaba wa Sepodisi National Commissioner of Police o nne le setifikeite se segolwane kgotsa borutegi bongwe bo bo tsamaelanang le setifikeite se segolo, mme o neele ka tokomane ya netefatso kgona go bua le go kwala Seisemane jaaka nngwe ya dipuo tsa semmuso dumela gore go diriwe kgatisomenwana, mme go fitlhelwe e le gore ga o a bonwa molato gope kgotsa ga o ka fa tlase ga botshotshosi ka ntlha ya molato ikemisetse go isiwa katisong ikemisetse go dira mo kantorong ya moikanisi o se ke wa nna le matshwaotlanyo a a bonagalang; le fa o ka kgona o nne le lekwalotetla la go kgweetsa, le fa e le gore ga se selo se se tlhokegang pele mo go morasefe.
foromo e e batlang lefelo le o nnang mo go lona le diaterese le megala go ikana lenaneo la boitekanelo la dipotso tse di batlang go arabiwa le le neilweng batho gore go tle go bonwe tshedimosetso e e ka dirisiwang, lenaneo la pabalesego la dipotso tse di batlang go arabiwa le le neilweng gore go bonwe tshedimosetso e e ka dirisiwang.
khopi e e ikanetsweng ya lekwalotshupo/lekwalokao/pasa khopi e e ikanetsweng ya lekwalotetla/laesense ya gago, fa e le gore o na le yona dikhopi tse di ikanetsweng tsa borutegi jwa gago jwa botlhalefi.
o motho yo o gololotsweng gore ga a itekanela go ya ka kalafo mo mothaping wa gagwe wa nako e e fetileng.
Fa e le gore go ka fitlhelwa e le gore o motho yo o tshwanetseng, kopo ya gago e tla rebolwa ke moikanisi wa Lefelo, mme o tla tshwanelwa ke go dira maikano. O ka se letlelelwe go diragatsa mediro pele o ka feleletsa katiso ya gago. Go latela seo, o tla neelwa ka setifikeite sa go tlhophiwa sa semmuso.
Ditirelo ga di duelelwe.
Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.
<fn>GOV-ZA. PresidentialPolPardons.2010-03-25.tn.txt</fn>
Fa o le mo kgolegelong ka ntlha ya tlolomolao e e rotloeditsweng ke mabaka a sepolotiki e e diragetseng ple ga Seetebosigo 16, 1999 kgotsa o golotswe kwa kgolegelong morago ga ditlolomolao tse di jaana, o ka dumelelwa boitshwarelo jwa sepolotiki go tswa go Moporesitente wa Naga ya rona.
Ela tlhoko gore fa o ne o latofaditswe ka tlolomolao ya mofuta o sele, GA O tshwanelwe ke boitshwarelo go ya ka paka e ntšhwa. Fela o ka dira kopo ya boitshwarelo e e tlwaelegileng go ya karolo 84(2)(j) ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa o o neelang Moporesitente thata ya go itshwarela kgotsa go golola batlolamolao le go phimola dikwatlhao tsa bona.
Boitshwarelo jo bo kgethegileng jo bo simolotse ka 15 Ferikgong 2008 mme bo tswalelwa ka 15 Moranang 2008.
Se se kaya gore o tshwanetse go tlatsa foromo ya kopo ka bonako jo bo kgonegang.
le, mo go www.doj.gov.
Fa o tlhoka thuso ya go dira kopo ya gago, lekoko la gago la sepolotiki le na le maikarabelo a go go thusa go tlatsa foromo ya kopo.
Foromo ya gago ya kopo e tshwanetse go romelwa ka tsela e e maleba le ke motho yo o neetsweng thata eo ke lekoko la sepolotiki, setheo kgotsa mokgatlo wa kgololosego go netefatsa ka fa tlase ga maikano gore o ne o le ka fa tlase ga taelo kgotsa kgakololo go dira tlolomolao eo ka ntlha ya mabaka a sepolotiki.
Ela tlhoko fa o tlatsa foromo ya kopo - ke tse di tladitsweng sentle fela tse di tla tsewang tsia.
Go tshwanetse ga nna le motho a le mongwe fela mo foromong ya kopo. Tshedimosetso yotlhe e tshwanetse go tladiwa ka nepagalo le ka boammaaruri le ditlankana tsotlhe tse di e tshegetsang.
Lekoko la gago la sepolotiki le ka romela kopo e boemong jwa gago, fa go le jalo, le tshwanetse go netefatsa gore foromo ya kopo e tladitswe ka nepagalo. Le tshwanetse go bolela ka fa tlase ga maikano gore tlolomolao e e dirilwe ka ntlha ya ditiragalo tsa sepolotiki tse le neng le amega mo go tsona.
Sa ntlha, Lefapha le tla sekaseka dikopo tsotlhe tse di dirilweng. Dikopo di tla romelwa kwa Setlhopheng sa Referense (Reference Group - RG), se se dirwang ke maloko a makoko a sepolotiki a a leng teng mo Palamenteng. RG e tla leba kopo nngwe le nngwe go ya ka dintlha tsa yona mme e dire katlenegiso go Moporesitente wa Naga ka ga go rebola kgotsa go gana ka boitshwarelo jwa kopo nngwe le nngwe. RG e tla tswelela go dira go fitlha ka 30 Lwetse 2008.
Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo le tlamela Rg ka ditirelo tsa bokwaledi.
Fa o romela kopo ya gago morago ga 15 Moranang 2008.
<fn>GOV-ZA. Professionaldriverspermit.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tetla ya mokgweetsi wa porofešenale e diretswe batho ba ba solofelwang go kgweetsa dirori tse mefuta e e rileng. Tetla e e rebolwa mo godimo ga laesense ya go kgweetsa e e tlwaelegileng.
serori sa dithoto, serori se se gogang tse di robegileng kgotsa bese dirori tsa bokete jo bo fetang 3 500 kg mme di diretswe go go tshola batho ba le 12 kgotsa go feta.
dirori tsa dithoto tse di kotsi - o tshwanetse go bo o le dingwaga tse 25.
O ka rebolelwa tetla ya mokgweetsi wa porofešenale fa fela o na le laesense ya go kgweetsa ya mofuta wa serori se se amegang kannwe o le yo o itekanetseng ke ngaka kannwe ke setheo se se dumeletsweng sa katiso ise o latofadiwe ka go kgweetsa o itshietse, ka botlhaswa kgotsa ka go se ikobele melao ya tsela, kgotsa ka tirisodikgoka le laesense ya gago e ise e ke e sekegiwe.
Ke ditatofatso tse di rileng fela tsa dingwaga tse tlhano tse di fetileng tse di ka dirang gore o se bone tetla ya go mokgwetsi wa porofešenale. Ditatofatso tsa dingwaga tse di fetang tlhano ga di ne di elwa tlhoko.
Modirisi kgotsa mong wa serori se se batlelwang tetla ya mokgweetsi wa porofešenale, ga a tshwanela go letla motho yo mongwe go kgweetsa serori seo mo tseleng ya botlhe, ntle le fa a na le tetla ya mokgweetsi wa porofešenale wa mofuta o o maleba.
Tlatsa foromo ya PD1, Kopo ya tetla ya mokgweetsi wa porofešenale, mme o e ise kwa lefelong la diteko.
O tla dira teko ya matlho kwa lefelong la teko.
lekwaloitshupo , karata ya laesense ya go kgweetsa, phaseporoto e e dirang ya Aforika Borwa ditshwantsho tse pedi tsa ID tsa bontsho le bosweu laesense e e dirang ya go kgweetsa setifikeiti sa katiso setifikeiti sa boitekanelo tetla ya mokgweetsi wa porofešenale kgotsa tetla ya mokgweetsi wa botlhe e o ka neng o na nayo.
Duela tlhwatlhwa e e beilweng.
Morago ga tuelo, o tla romelwa kwa seteišeneng se se gaufi sa sepodisi go kopa pegelo ya ditatofatso.
O tla itsisiwe fa karata ya tetla ya mokgwetsi wa porofešenale e siametse go ka tsewa. O tshwanetse go itshupa fa o tla go tsaya karata eo. Dikarata tse di sa tsewang mo matsatsing a le 120 di tla senngwa.
Tetla e ka siama mo dibekeng tse robedi go ya go tse somepedi.
<fn>GOV-ZA. ProspectingRight.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tshwanelo ya potielo ke tumelelo e e letlang khamphane kgotsa motho go sekaseka kgotsa go tlhotlhomisa karolo ya lefatshe ka maikaelelo a go itemogela minerale o o leng teng. Motho mongwe le mongwe yo o eletsang go dira kopo ya tshwanelo ya potielo o tshwanetse go dira kopo ya gagwe kwa ofising ya Mookamedi wa Kgaolo o lefatshe le leng mo kgaolong ya gagwe.
Tshwanelo ya go potiela e tsaya dingwaga di le tlhano, mme fa dingwaga di le tlhano di fetile, o ka nna wa dira kopo ya go ntšhwafatsa tshwanelo ya potielo, ka dingwaga tse di sa feteng tse tharo.
Fa mokopi a na le madi le bokgoni go diragatsa potielo e a e kopang ka botlalo.
Lenane la ditšhelete le nyalana le potielo e go ikaelelwang go e dira le sebaka se se tla e tsayang.
Ga go kitla go amogelwa leswefatso kgotsa tshenyo mo tikologong e e ka tlholwang ke fa potielo e dirwa.
Mokopi ga a dire sepe se se ganetsanang le Molao wa Kgolo ya Ditlamelo tsa Dimerale le tiriso ya Lookwane.
Ga go motho ope yo o nang le tshwanelo ya potielo, tshwanelo ya moepo, tumelelo ya moepo kgotsa tumelelo ya go itseela lefelo la diminerale mo nageng.
Fa o tlhoka tshedimosetso e nngwe gape, ikgolaganye le ba Lefapha la Dimenerale le Maikatlapelo.
Dira kopo kwa kantorong ya Mookamedi wa Kgaolo wa Lefapha la Dimerale le Maikatlapelo mo kgaolong e lefelo le leng mo go yona.
Foromo e tshwanetse go romelwa ga mmogo le tuelo e o se kitlang o e busediwa.
Fa Mookamedi wa Kgaolo a ka amogela kopo ya gago, o tla go kopa go romela lenane la tsamaiso ya tikologo le go rerisana le mong wa lefelo, monni wa semolao, kgotsa motho mongwe le mongwe yo o amegang.
Romela tumalano ya dipuisano go Mookamedi wa Kgaolo mo malatsing a le 30.
Fa ditlhokego tsotlhe tse di setse di diragaditswe, Mookamedi wa Kgaolo o tla romela lekwalokopo la gago kwa go Tona go le sekaseka.
Fa Mookamedi wa Kgaolo a sa amogele kopo ya gago, o tla go itsise ka lekwalo mo malatsing a le 14 mme a romela lekwalokopo kwa go wena.
Fa Mookamedi wa Kgaolo a amogela kopo ya gago o tla go itsise mo malatsing a le 14 go romela lenane la tsamaiso ya tikologo, le go buisana le mong wa lefelo kgotsa monni wa semolao ga mmogo le batho bangwe ba ba amegang.
O tshwanetse go romela lekwalo la dipholo tsa dipuisano tse o neng o di dira le kwa go Mookamedi wa Kgaolo mo malatsing a le 30.
Tlhotlhwa e tla laolwa ke Mookamedi wa Kgaolo go ya ka minerale o o ikaelelang go rafa.
<fn>GOV-ZA. Protectionorder.2010-03-25.tn.txt</fn>
Mašetla a Legae ke eng?
Fa maitsholo a a ntseng jalo a tlhola kotsi kgotsa a ka tlhola kotsi mo boitekanelong jwa gago, pabalesego kgotsa go tshela sentle.
Fa mefuta e ya tshotlo e go diragalela, kgotsa e diragalela mongwe yo o mo itseng, o ka nna wa dira kopo ya taelo ya tshireletso.
thibela mongongoregi yo o itulelang fela kgotsa a ne a dula mo tulong e ba e tlhakanetseng go tsena kgotsa go sala ka mo tulong e ba e kopanetseng kgotsa karolo e e rileng ya tulo e ba dulang mo go yona mmogo, kgotsa dira nngwe ya ditiro tse di kailweng mo taelong ya tshireletso.
Ke mang yo o ka dirang kopo ya taelo ya tshireletso?
Motho mongwe le mongwe yo o nang le kgatlhego mo botshelong jwa mongongoregi. Batho ba ba latelang ba ka nna ba dira kopo ka tumelelo e e kwadilweng e tswa go mongongoregi, kwa ntle ga fa mongongoregi e sa le mmotlana, motho yo o sa itekanelang mo tlhaloganyong, a idibetse kgotsa fa kgotlatshekelo e kgotsofetse gore motho yo ga a kgone go neela tumelelo e e tlhokegang.
Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape e ya go Lefapaha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotlhomo.
Dira kopo ya taelo ya tshireletso kwa Kgotlatshekelong ya Magiseterata e e fa gaufi le fa o nnang teng kgotsa o dirang teng, ka nako nngwe le nngwe, ka nako ya kgotsa nako e e fetileng ya go dira ga kgotlatshekelo le ka nako ya boikhutso jwa setšhaba kgotsa mafelo a beke.
Dira kopo ya Taelo ya Tshireletso ya Nakwana ka go tlatsa Foromo 6: Interim Protection Order kwa Kgotlatshekelong ya Magiseterata kgotsa Kgotlatshekelo e Kgolo e e fa gaufi le wena.
Tlatsa Foromo 2: Application for Protection Order kwa Kgotlatshekelong ya Magiseterata kgotsa Kgotlatshekelo e Kgolo e e fa gaufi le wena.
Leina la seteišene sa mapodisi kwa mongongoregi a ka begang tlolo ya taelo ya tshireletso e go dirwang kopo ya yona.
Mabaka a kgatlhego kgotsa poelo e motho yo a mo tlisetsang kopo a nang le yona ka go tshela sentle ga mongongoregi.
Tiro ya motho yo mongwe le maemo a motho yo, a a mo dirang gore a tlise kopo.
mmotlana a sa itekanela mo tlhaloganyong a idibetse motho yo kgotlatshekelo e kgotsofetseng ka ena gore a ka se ke a kgona go neela tetla e e tlhokegang.
Netefatsa foromo le tlelereke ya kgotlatshekelo mme o e tsenye.
Fa tlelereke e amogela foromo ya gago, e tla romela kopo ya gago kwa go magiseterata yo o tla beyang letlha la gore o boe kwa kgotlatshekelo, gore kopo ya gago e sekasekwe mme e tseiwe tsia.
Magiseterata le ena o tla baakanya kitsiso e e yang kwa go moikarabedi ka ga taelo ya tshireletso le gore o tshwanetse go tla leng kwa kgotlatshekelo.
Morago ga go tlhagelela kwa kgotlatshekelo, magiseterata a ka nna a neela taelo ya tshireletso.
Taelo ya tshireletso e ka bonwa ka lona letsatsi leo, fela ka kakaretso, seno se tla laolwa ke bomarara jwa kgetsi ya gago.
Taelo e tla tswelela go dira go fitlhela moikarabedi a e phimola/khansela.
Fa mosotli a dira boikuelo, taelo e tswelela go dira go fitlhela e phimolwa/khanselwa ke Kgotlatshekelo ya Boikuelo.
Tirelo e ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Publiccompany.2010-03-25.tn.txt</fn>
Khamphane ya setšhaba ke kgwebo e beng ba yona e leng setšhaba mme e tshwanetse go nna le bakaedi ba bonnye ba ba seng ka fa tlase ga supa. Lefoko "Limited" le tla tlhagelela kwa bofelong jwa leina la khamphane.
Dišhere di rekisetswa batho mo setšhabeng.
Le fa e le gore ga go beiwe selekanyo sa gore batshwara dišere ba tshwanetse go nna ba bakae, fela ga ba tshwanela go nna ka fa tlase ga supa.
Ga go na selekanyetso se se beetsweng go sutisiwa ga dišere.
Lefoko "Limited" le tla tlhagelela kwa bofelong jwa leina la khamphane.
Khamphane e tshwanetse go itsise setšhaba ka tshedimosetso e nngwe.
Mofuta o wa kgwebo ka gale o dirisa madi phetelela.
Bonnye bakaedi e ka nna ba babedi.
Bona dforomo tsa kopo tse di maleba go tswa kwa Lefapheng.
Duela madi a a beilweng.
Ikwadiso e ka konosediwa mo malatsing a le matlhano.
R5 - mo dišereng dingwe le dingwe di 1 000 tse di abiwang.
<fn>GOV-ZA. Rebateonandrefundthedutyonexport.2010-03-25.tn.txt</fn>
Maikaelelo a tirelo e ke go dira kopo ya phokoletso mo mading a motšhelo a dithoto tse di reketsweng go dira dikumo , fetola dikumo, feleletsa dikumo, tlamelo ya dikumo, kgotsa go phuthela dikumo tse di tshwanetseng go romelwa ntle.
Go tlhokega phemiti go dira thekontle ya dikumo go ya ka molawana o, mme mongwe le mongwe a ka dira kopo ka go tlatsa foromo ya kopo e e fitlhelwang kwa Khomišeneng ya Taolo ya Dikgwebo ya Boditshabatshaba International Trade Administration Commission.
Sitlholola foromo ya kopo, 470.03/00.00/01.00.
Romela khopi e e kanisitsweng ya lekwaloitshupo la gago.
Go ka tsaya dibeke di le pedi go ya go di le nne go fiwa tshedimosetso malebana le phokoletso le pusetso ya madi a motšhelo go tswa go Lefapha la Dikgwebo le Intaseteri.
Tirelo e ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Recognitionofcustomarymarriage.2010-03-25.tn.txt</fn>
Gore lenyalo la setso dumelelwe e le lenyalo le le tshwanetseng, kopo ya lenyalo le la setso, le tshwanetse la bo le tsentswe pele ga di 15 Ngwanatsele 2000.
Lenyalo le tshwanetse go rerwa/buisanwa, tsenngwe mo kgotsa le ketekwe go ya ka molao wa setso. Balekane ba tshwanetse ba bo ba feta dinyaga di le 18.
Balekane boo babedi ba tshwanetse go dumelana ka lenyalo.
Batsadi ba molekane wa lenyalo yo o leng mmotlana, ba tshwanetse go dumelelana ka lenyalo. Fa o sena batsadi, motsadi wa gago wa semolao o tshwanela ke go dumela. Fa motsadi wa semolao a ka se dumele, mokomišenara wa ngwana wa katlaatlegoloago o ka ikopanya le ena go itse maikutlo a gagwe. Fa tumalano e thibelwa ke batsadi, batsadi ba semolao kgotsa mokomišenara wa ngwana wa katlaatlegoloago, ke moatlhodi wa Kgotlatshekelokgolo a ka sekasekang le go atlhola kgetsi e.
Fa mongwe wa balekane ba lenyalo e le molekane mo lenyalong la legae, kopo ya lenyalo la setso, e ka se tsenngwa ka nako ya tlhomomolaokgolo ya lenyalo la selegae. Kabelo e e tshwanang le yona gape e diragala go manyalo a setso a a tsenngwang go tloga ka la Sedimonthole 1988.
Le fa go sena thibelo mo palong ya manyalo a setso a monna a ka tsenang mo go ona, ga go lenyalo lepe gape le go ka tsenwang mo go lona kwa ntle ga gore taelo ya kgotla e e laolang bokamoso ba tsamaiso ya dithoto tsa manyalo e tsewe.
Netefatsa maemo a lenyalo mo go online.
Tlatsa foromokopo kwa go nngwe le nngwe ya dikantoro tsa Merero ya Selegae. Dira kopo go Embasi/botseta ba Aforika Borwa kgotsa Boromiweng fa o le moseja wa mawatle.
Setefikeiti se se sa khutswafatswang sa lenyalo kgotsa go ntshiwa ga rejisetara e e matshwanedi e e ntshang ditokomane tse di tshegetsang, e tsamaisana le rejisetara e e anngwang/amiwang ke go ntshiwa gape le netefatso ya tshedimosetso go tswa go rejisetara ya manyalo.
Setefikeiti se se khutswafaditsweng se ntshiwa fa fela go se dituelo dipe tse di duelwang mo go ntshiweng ga setefikeiti se se tlhalosiwang mo boikwadisong ba manyalo.
Ela tlhoko: Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. Ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.
<fn>GOV-ZA. Refundlicencefees.2010-03-25.tn.txt</fn>
O ka dira kopo ya go busediwa madi a laesense fa serori sa gago se utswitswe, se sa tlhole se se siametse go ka dirisiwa, kgotsa kwadiso ya sona e phimotswe.
Kopo ya go busediwa madi e tshwanetse go dirwa mo dikgweding tse tharo go tloga ka letlha la kitsiso ya go utswiwa, kgotsa go se siamele tsela ga serori, kgotsa go tloga ka letlha la go phimolwa ga kwadiso ya sona.
Ela tlhoko: Tlhwatlhwa e e kwa tlase ga R30 e ka se busiwe.
Tlatsa foromo ya RLF, Kopo ya go Busediwa Madi a Laesense ya Serori.
ekwaloitshupo afitafiti e e netefatsang gore serori seo se utswitswe, ga se a siamela go ka dirisiwa kgotsa setifikeiti sa go phimolwa ga kwadiso.
Kopo e diragadiwa ka lona letsatsi leo fela go busediwa madi go dirwa morago ga matsatsi a le mmalwa.
Tirelo e ke ya mahala.
RLF e ka bonwa kwa mafelong a a rebolang dilaesense tsa dirori.
<fn>GOV-ZA. RegFishVessel.2010-03-25.tn.txt</fn>
Sediriswa sa go thaya ditlhapi ke mokoro kgotsa sekepe se se dirisediwang, kgotsa se tlamelwa go ela tlhoko, kotulo le tshotlako ya metswedi ya mawatle, kgotsa go tshegetsa ditiragalo tse di nyalanang natso. Di akaretsa didiriswa tse di thusang sediriswa kgotsa didiriswa kwa lewatle mo go diragatseng tiragalo nngwe le nngwe e e letleletsweng e e amanang le go thaya ditlhapi - go akaretsa - fela e seng go felela ka - paakanyo, thebolo, go boloka, go tsidifatsa, go tsamaisa, kgotsa go diragatsa, Bothati jwa Pabalesego ya Mawatle jwa Aforika Borwa le Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala Department of Environmental Affairs and Tourism di tshwanetse go dumelela sediriswa sa go thaya ditlhapi.
Ga go sediriswa sa go thaya ditlhapi se se tla kwadisiwang ntle le thata ya go thaya ditlhapi le tetla ya go nna le seabe mo ditiragalong tsa go thaya ditlhapi.
Rulaganya gore sediriswa se tsenele tsamaiso ya SAMSA ya tshekatsheko ya go tshwanela lewatle e morago ga yona SAMSA e tlileng go rebola Setifikeiti sa Pabalesego. Setifikeiti se se tshwanetse go tsamaya le kopo ya kwadiso.
leina la sediriswa leina le dintlha tsa mong wa sediriswa boleele jwa sediriswa maatla le mothamo wa sediriswa folaga ya Naga e sediriswa se kwadisitsweng ka fa tlase ga yona setifikeiti sa pabalesego sa Bothati jwa Pabalesego ya Mawatle jwa Aforika Borwa.
Romela foromo ya gago ya kopo le tshwanelo ya gago ya go thaya ditlhapi kgotsa konteraka e e konoseditsweng le mong wa sediriswa go dirisa sediriswa se se amegang fa o se motshola-tshwanelo ya go thaya ditlhapi.
Supa paka le lekala la go thaya ditlhapi le sediriswa se isiwang kwa go lona.
Tiragalo ya kopo e ka tsaya matsatsi a le 3 a tiro kgotsa go feta go lebilwe tiragatso e e maleba ya kopo.
Tlhwatlhwa e farologana go ya ka boleele jwa sediriswa.
<fn>GOV-ZA. RegisterBargainCouncil.2010-03-25.tn.txt</fn>
Lekgotla la ditherisano le dira ka ditherisano tsa setlhopha, go rarabolola dikgotlhang tsa kwa tirong, go tlhomamisa dikema tse di farologaneng le go tshwaela ka melao le melawana ya ditiro.
Go bona tshedimosetso e nngwe gape, ikgolaganye le ba Lefapha la Mediro.
Dira kopo go Mokwadisi wa Dikgolagano tsa Ditiro go kwadisa khansele e e kopaneng ya ditherisano.
Dikhopi tse pedi tsa kopo ya go ikwadisa ya Khansele ya Ditherisano.
Dikhopi tse tharo tsa molaotheo wa khansele ya Ditherisano.
Metsotso ya kopano fa mekgatlho ya badiri le mekgatlho ya bathapi e dumelelaneng ka yone go simolola khansele ya ditherisano.
Tshedimosetso e nngwe le nngwe e e maleba.
E ka tsaya malatsi a le 60 go tsweletsa kopo.
Tirelo ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. RegisterTradeUnion.2010-03-25.tn.txt</fn>
Yunione ya tsa kgwebo ke setlhopha sa badiri se se godisang le go sireletsa dikgatlhego tsa maloko a yona mo dilong di tshwana le dituelo le maemo a go, bogolosegolo ditherisano le bathapiwa.
Ikwadiso ya yunione ya tsa kgwebo go wela ka fa gare ga tekanyetso ya ditiro tsa Mokwadisi wa Dikamano le Ditiro.
Lenaneo le le tletseng la batlhankedi ba yunione, mme go kwadilwe maemo kgotsa ditiro tsa bona.
Aterese ya dikantoro tse di kwadisitsweng tsa yunione.
Khopi nngwe le nngwe ya molaotlhomo e tshwanetse ya bo e saenilwe ke Mokwaledi le Modulasetilo jaaka dikhopi tsa nnete.
Tlatsa diforomo di le pedi tsa kopo.
Gokelela dikhopi di le tharo tsa molaotlhomo wa yunione mo foromong ya kopo e e yang kwa go Mokwadisi.
Khopi nngwe le nngwe ya molaotlhomo e tshwanetse ya bo e saenilwe ke Mokwaledi le Modulasetilo jaaka dikhopi tsa nnete.
Posa kgotsa fekesetse kopo go Mokwadisi wa Dikamano tsa Ditiro.
Go ka tsaya malatsi a le 30 go kwadisa yunione ya kgwebo.
Tirelo e ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Registeracopyright.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tshwanelo ya tiro ke tshwanelo ya go sireletsa tiro ya motho, e e ka nnang sekwalwa, matheriale mongwe le mongwe, manane a khomphuta, tiro tsa botsweretsi, matheriale wa kgaso, mmino, ditshwantsho kgotsa divideyo.
Sireletsa e kaya go thibela batho ba bangwe go kopisa kgotsa go utswa tiro kgotsa matheriale mme ba itirisetsa ona mme ba dira se maikaelelo e le go dira madi. Molao wa Tshwanelo ya tiro o gatelela tshwanelo-tiro.
Fa o na le kakanyo ya motheo e e leng ya gago, ga o kitla o nna le tshwanelo ya kopiso tiro ya yona. Sa ntlha o tshwanetse go baya kakanyo ya gago ka tsela e e bonagalang, jaaka buka, karata, CD, botaki, setshwantsho, motshameko kgotsa filimi..
Ka kakaretso motho yo o kwadileng, gatisitseng, phasaladitseng, diragaditseng, setileng, takileng, filimileng, rekotileng tiro ke ene mong wa tshwanelo ya tiro. Le fa go ntse jalo, fa motho a romilwe mme e bile a duelwa go dira karolo ya tiro e e rileng, mong wa tshwanelo ya tiro e tla nna mothapi wa gagwe.
Mo ditirong di le dintsi ga go botlhokwa go dira kopo ya tshwanelo ya tiro.
O ka nne wa bona tshwanelo tiro mo Aforika borwa fa o le moagi wa Aforika borwa kgotsa fa tiro ya gago e dirilwe mo Aforika borwa. Fa o se moagi wa Aforika borwa, o ka nne wa fiwa tshwanelo ya tiro fa fela naga e o tswang kwa go yona e le karolo ya Berne Convention. Berne Convention ke tumalano ya boditshabatshaba malebana le tshwanelo ya tiro mme maloko a yona, a utlwane go sireletsa tshwanelo ya tiro ya lengwe le lengwe la maloko a yona.
Fa o na le tshwanelo ya tiro e go neela "go nna mong" wa matheriale le go go naya taolo ya dithekiso le tiriso. Letshwao la tshwanelo ya tiro le le tlwaelegileng ke ©.
Morago ga dikgwedi di le thataro, go tla dirwa ditlhatlhobo mme morago ga mo tshwanelo ya tiro e tla abiwa ka kgwedi ya bosupa.
<fn>GOV-ZA. Registeradesign.2010-03-25.tn.txt</fn>
Fa go tlhaloswa moakanyetso go ka twe ke boikaelelo kgotsa setshwantsho ka ga sebopego ga mmogo le setshwano se se gogelang motho kwa go sona. Meakanyetso mengwe e laolelwa ke tiriso fa e mengwe e laolelwa ke temogo ya bontle.
Ka moo, moakanyetso o ikaegile ka sebopego, setshwano, selebego, sekaelo le bokgabo jwa kumo kgotsa athikele. Sekao, moakanyetso wa palamonwana ke sekao se se laolwang ke temogo ya bontle.
e lebege bontle, sebopego le mokgabiso, le e siamele go ka dirwa mo intasetering.
e nne le sebopego se se laolelwang ke tiriso ya ona. le e siamele go ka dirwa mo intasetering.
Tshireletso ya moakanyetso wa temogo ya bontle e nna dingwaga di le 15 fa ya moakanyetso wa tiriso yona e nna dingwaga di le 10.
Le fa e le gore ga se pateletso go batlisisa ka maikaelelo a go netefatsa fa moakanyetso e le wa itshomololelo kgotsa go netefatsa gore moakanyetso o o tshwanang le wa gago kgotsa o o batlileng go tshwana ga o ise o kwadisiwe mo nakong e e fetileng, o eletswa go dira jalo pele o tlatsa foromo ya kopo ya ikwadiso. Patlisiso e ka dirwa kwa ofising ya Kwadiso ya Meakanyetso kwa Pretoria. Mokopi o tshwanetse go itirela patlisiso ka boena kgotsa a kope moemedi yo o ka mo direlang jalo, jaaka mmueledi wa patente.
Fa moakanyetso o setse o amogetswe jaaka moakanyetso o montshwa mme e bile o kwadisitswe, o tla newa setefikeiti sa moakanyetso.
Meakanyetso e ka ntshwafadiwa morago ga sebaka sa dingwaga di le tharo.
Tlatsa foromo ya kopo ya moakanyetso e o ka e bonang kwa Lefapheng la Dikgwebo le Intaseteri.
Romela khopi e e kanisitsweng ya lekwaloitshupo.
Go latela sebaka sa dikgwedi di le thataro, ditlhatlhobo tsa tlwaelo di tla dirwa mme ikwadiso ya moakanyetso e tla abiwa mo dikgweding di le supa.
<fn>GOV-ZA. Registeralateregistrationsbirth.2010-03-25.tn.txt</fn>
Kwadiso e e thari ya tsalo, ke fa botsalo jwa motho bo kwadisiwa morago ga go feta ngwaga ga botsalo.
Tlatsa foromo ya BI-24/1 fa kwadiso ya botsalo e diragetse morago ga ngwaga fela ka fa tlase ga dinyaga di le 15.
Tlatsa foromo ya BI-24/15 fa kwadiso ya botsalo e le morago ga dinyaga di le 15.
Neela setifikeiti se se kannweng sa lokwalotshupo/pasa ya mmaago fa batsadi ba sa nyalana mme rre a sa batle go dumele fa e le motsadi wa gago.
Neela setifikeiti se se tswang kwa sepetlele kgotsa legae la go belegela kwa ngwana a tsholetsweng teng. Setifikeiti se tshwanetse go saenwa ke motho yo o tlhokometseng tulo eo mme se nne le leina la setheo la semmuso le setempe se se nang le letlha.
Neela netefatso ya dintlha ka ga ngwana go tswa mo rejisetareng ya sekolo kgotsa mo setifikeiting sa sekolo sa sekolo sa ntlha se ngwana a simolotseng go se tsena, mme mogokgo a se saene. Netefatso e, e nne le nomoro ya mogokgo e le mo lekwalotlhogo la semmuso le le nang le setempe sa sekolo sa semmuso.
Neela setifikeiti sa dikolobetso sa ngwana, fa e le gore se ntshitswe mo dinyageng di le tlhano tsa botsalo.
Fa batsadi ba se teng, afidefiti e e dirilweng ke mongwe wa losika yo o atamelaneng thata le ena, mme a fete ngwana ka dinyaga di le 10, gape a itse dintlha ka ga botsalo jwa ngwana, motho yo, o tshwanetse go ka netefatsa gore ngwana ke mang le gore maemo a gagwe ke afe.
Neela pegelo go tswa go motho yo o itseng batsadi jwa mokopi ka sebele. Motho yo, o tla tshwanelo gape ke go ya le mokopi kwa Dikantorong tsa Merero ya Selegae kwa mokopi le motho yoo, ba tla botsolotswang dipotso teng ba ba arogantse.
Dikopo di ka tsaya dikgwedi di le 3 go ya go di le 6.
Tirelo e ga e duelelwe.
Ela tlhoko: Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.
<fn>GOV-ZA. Registerandlicence.2010-03-25.tn.txt</fn>
Serori se laesense ya sona e sekegilweng, phimotsweng, utswitsweng kgotsa se se agiwang sešwa kgotsa go fetolwa se tshwanetse go rebolelwa laesense e nngwe. Go fela jalo le fa mong wa serori a fetoga kgotsa serori se bonwa go tswa mo thotong ya moswi.
Laesense ya serori e dira dikgwedi tse 12.
Ikgolaganye le kantoro ya pharakano e e gaufi nao.
Tlatsa foromo ya kopo kwa kantorong ya gaeno ya pharakano.
lekwaloitshupo le le amogelegang setifikeiti sa go siamela tsela se se bonwang kwa seteišeneng sa teko ya dirori setifikeiti sa Sepodisi sa Aforika Borwa sa Tumelelo lekwalo la Thata go tswa go Biro ya Maemo ya Aforika Borwa setifikeiti sa loso sa ga moswi.
Duela tlhwatlhwa e e beilweng.
Ela tlhoko: Madi a a saletseng kwa morago a tshwanetse go duelelwa dirori tse dilaesense tsa tsona di feletsweng ke nako mme di ne di sa ntšhwafadiwa.
Kopo e ka sekasekiwa ka letsatsi le e dirilweng ka lona.
<fn>GOV-ZA. Registeranexternalcompany.2010-03-25.tn.txt</fn>
Khamphane ya boditshaba e e batlang go bula kgwebo mo Aforika borwa e ka dira kopo ya phemiti ya khamphane ya kwantle. Khamphane ya kwantle ke khamphane e e ikwadisitseng kwa nageng ya boditshaba mme e batla go dira Kgwebo mo Aforika borwa..
Ka ntata ya dithulaganyo tse di farologaneng tse di tsweletseng e le ka ntata ya tsela ya ikwadiso, o eletswa go dirisa tiriso ya babueledi ba mo Aforika borwa.
O ka ya go bona ramolao mo Aforika borwa, jaaka ditlhokego dingwe tsa Molao wa Dikhamphane di ka kgona go dirwa fela ke maloko a porofesene eo fela.
Tswee-tswee, elelwa gore ditokomane tsotlhe di tshwanetse go tladiwa ka pene e ntsho.
Tlatsa diforomo tsa kopo jaaka di tlhagisitswe ka fa tlase ga setlhogo "Forms to complete" fa tlase.
Romela dikhopi tse di kanisitsweng tsa makwaloitshupo kgotsa dipaseporoto tse di maleba tsa batho botlhe ba ba amegang mo khamphaneng e e kwadisiwang.
Ditokomane tsotlhe di tshwanetse go tlisiwa mmogo le Memorantamo le Diathekelo tsa Setlamo, tse di tshwanetseng go tlisiwa e le ngata jaaka buka mme di tshwanetse go kanisiwa ka mokwalo mo tsebeng nngwe le nngwe ke Raditlamano wa Setshaba kwa nageng e a tswang kwa go yona.
Ikwadiso e ka tsaya malatsi a le matlhano.
<fn>GOV-ZA. Registeraprivatecompany.2010-03-25.tn.txt</fn>
Setlamo sa poraebete ke kgwebo e e ikemetseng e le nosi e e leng ya banna le dišere mme dišere tsa bona di ka se ke tsa rekisetswa setšhaba. Go ya ka Molao wa Ditlamo wa 1973 , setlamo sa poraebete se tshwanetse go nna le banna le dišere ba le 50. Banna le dišereka gale ba bidiwa bakaedi ba setlamo.
Tsamaiso ya go kwadisa setlamo sa botlhe kgotsa sa poraebete, go amana le tsela e e tseneletseng. Ka ntlha ya bomarara jwa tsamaiso, ditirelo tsa babueledi, di tshwanetse go dirisiwa mo nakong ya go kwadisa.
Ikgolaganye le Lefapha la Kgwebo le Diintaseteri.
Go Beeletswa ga Leina la setlamo - Foromo ya CM5 le R50 e e tsenngwang mo khoutung ya moreki.
CM22 - Thebolo ya maemo a kwadiso le a aterese ya poso.
Maatla a Mmueledi - Kitsiso ya go dira legatong la bagodisi.
CM29 - e bowa e na le dintlha tsa bakaedi, batlhankedi.
CM46 -Kopo ya setifikeiti sa go tswelela ka kgwebo le R60 e e tsentsweng mo khoutung ya modirisi/moreki.
CM47 - Dikanego tse di tlang ka bakaedi malebana le go lekana kgotsa go se lekane ga kapitale e e šeriwang.
Tlatsa memorantamo le le diathikele tsa kamano.
Duela madi a a beilweng.
R60 - Setifikeiti sa go simolola ka kgwebo.
R5 - go ya ka 1 000 nngwe le nngwe ya dišere tse di filweng.
<fn>GOV-ZA. Registerasaciproagent.2010-03-25.tn.txt</fn>
Khamphane ga mmogo le Ofisi ya Kwadiso ya Kakanyo e e masisi ke motho mongwe le mongwe kgotsa kgwebo yo o tshamekang seabe sa go tsereganya magareng ga bareki le Khamphane ga mmogo le Ofisi ya Kwadiso ya Kakanyo e e masisi . Baemedi ba tshwanetse go ikwadisa le CIPRO. Go na le mefuta e e farologaneng ya baemedi mo Aforika borwa, jaaka babueledi, difeme tsa babueledi, dibanka, baruni, dikgwebo tse dingwe le batho ba poraefete.
Batho botlhe ba ba dirisanang kgotsa ba ba batlang go dirisana le Mokwadise wa Dikhamphane le Dikgwebo tse di kopetsweng nako le nako ba tshwanetse go ikwadisa jaaka baemedi ba CIPRO. Fa e le gore o setse o ikwadisitse, ga go tlhokege gore o ikwadise gape, go tla tsosoloswa fela boloko jwa gago jaaka moemedi mme e bile ga o kitla o latlhegelwa ke khoutu ya gago ya boemedi.
Go ikwadisa, o tla tshwanela ke go duela depositi e o tla e busediwang mo akhaontong ya CIPRO. Fa go se na go tlhomamisiwa gore madi a ikwadiso a amogetswe, akhaonto ya gago e tla tsosoloswa mme ya siamela go dirisiwa. Ditshenyegelo tsa go leba le tsa kgatiso ya go kwadisa khamphane kgotsa kgwebo e e kopetsweng ke R30 setefikeiti sengwe le sengwe. Se se tla dirwa mo akhaontong ya gago ya banka e e tla golagangwang le khoutu ya moemedi, e e tla dirisiwang go go kopa go duela, kwa bokhutlong jwa kgwedi.
Ga go na molao o o dirisiwang mo tirelong e.
Kopo e konosediwa mo letsatsing le le lengwe.
Ditshenyegelo tsa go boga le go gatisa kwadiso ya Khamphane le Kgwebo e e kopetsweng ke R30 setefikeiti sengwe le sengwe.
<fn>GOV-ZA. Registerasaprofessionalnaturalscientist.2010-03-25.tn.txt</fn>
Batho ba ba ratang go dira jaaka banetshi ba tsa tlhago, ba kopiwa go ikwadisa le Lekgotlha la Banetetshi ba tsa Tlhago la Borutegi/Porofešenale ba Aforika Borwa. Lekgotla le ikaelela go:.
tlhabolola tiro ya bonetshi ba tsa tlhago ba seporofešenale mo Aforika Borwa.
tlhokomela boemo jwa thuto le katiso ya banetetshi ba tsa tlhago, le go lemoga thuto le katiso tse e leng ditlhokegopele tsa go ikwadisa go ya ka Molao wa Akatemi ya Bonetetshi ya Aforika Borwa wa 2001.
Batho ba ba sa ikwadisang, ga ba a tshwanela go dira tiro e e tlhaoletsweng batho ba ba ikwadisitseng.
Goreng o tshwanetse go ikwadisa?
Go kgona go dira tiro ya seporofešenale.
Go dirisa leina la semmuso le thaetlele e e reng 'monetetshi wa tsa tlhago' kgotsa go kgomaretsa khutswafatso e e laotsweng fa morago ga leina la gago.
Go dira mo maemong a go neela maele.
Go itumelela maemo a seporofešene le go nna le seabe mo dipoelong tse di neelwang ke ditheo tsa ditšhelete.
Go itumelela tshegetso ya SACNASP le netefatso ya bokgoni jwa gago jo bo ka se keng jwa belaelwa.
Ditlhokego tsa go ikwadisa ke dife?
Go ikwadisa jaaka monetshi wa tsa tlhago wa seporofešene - go tlhokega dikirii/dipoloma ya dinyaga di le nne le dinyaga di le nne tsa maitemogelo.
Fa o batla go ikwadisa jaaka moithuti wa bonetetshi ba tsa tlhago - go tlhokega dikirii/dipoloma ya dinyaga di le nne le maitemogelo.
Go ikwadisa jaaka monetetshi wa tsa tlhago yo o nang le setifikeiti - go tlhokega dikirii/dipoloma ya dinyaga di le tharo mme o na le maitemogelo a ngwaga.
Tlatsa foromokopo e e bonwang kwa Khanseleng.
Tsenya tefo e e laotsweng ya go ikwadisa le kopo ya gago. Lekgotlha le tla kwadisa le go ntsha setifikeiti sa ikwadiso fa le kgotsofetse gore o na le thuto e e maleba e e batlegang le maitemogelo jaaka dilo tse di laolwa ke Lekgotlha.
Dikopo tsotlhe di tshwanetse go tlhatlhobiwa ke PAC e e maleba, mme e letleletswe ke Komiti ya Ikwadiso ya SACNAP mme tsa rebolwa ke Lekgotlha le le tletseng.
Dipoelo tsa tlhatlhobo e, ga di kitla di itsisiwa go fitlhela kopano ya Lekgotlha e tswa.
Fa, morago ga tshimologo ya tiriso ya Molaotlhomo wa Repaboliki ya Aforika Borwa ya 1996, mokopi a kile a tshwarelwa tshenyo, e ka tswe e le mo Repaboliking kgotsa kwa go sele, mme a tlhatlhelwa kwa kgolegelong nako ya dikgwedi di le tharo kgotsa a ntsha faene jaaka e le tsela nngwe ya go bonwa molato.
Fa Kgotlatshekelo e begile fa mokopi a sa itekanela mo tlhaloganyong kgotsa a tsenwa, kgotsa fa a kile a tshwarwa ka fa tlase ga Molao wa Boitekanelo jwa Tlhogo wa 1973.
Fa go ikwadisa ga mokopi e emisitswe nakwana ka ntlha ya kwatlhao e nngwe fela jaaka e dirwa mo go ena ka fa tlase ga Molao.
Fa mokopi a tlositswe mo setulong sa gagwe sa go tshepiwa ka ntlha ya maitsholo a a sa siamang.
Fa mokopi e le motho yo go kgonagalang gore a ka busetswa sekeng sa gagwe fa a se na go wa, mme go wa ga gagwe go tlhotswe ke go se ele tlhoko ga gagwe kgotsa ka ntlha ya go tlholwa ke tiro mme kopo e a e dirang, e wela mo bogolong jwa karolo e a dirang kopo ya kwadiso ya yona.
Lekgotlha le tla go itsise ka lekwalo fa kopo ya gago ya go ikwadisa e gannwe.
O ka nna wa dira boikuelo kgatlhanong le Lekgotlha mo malatsing a le 30.
O tshwanetse go dira kopo go Lekgotlha fa o batla go ntšhwafatsa ikwadiso ya gago mo dikgweding tse tharo pele ikwadiso ya gago e fela.
Kwadiso e ka tsaya dibeke di le thataro go ya go di le robedi, go ya ka gore o tsentse tokomane e e tlhokegang leng.
Fa o dirisa go banka ka eleketeroniki le fa o tsenya madi ka tlhamalalo: Tsweetswee dirisa ditlhaka tsa pele tsa leina le sefane go lemoga tuelo ya gago mo seteitementeng sa rona sa banka mme o fekese bopaki jwa gore o duetse mmogo le tsebe ya NTLHA ya foromokopo ya gago go : 841 1057.
<fn>GOV-ZA. Registeratrademark.2010-03-25.tn.txt</fn>
Letshwaokgwebo ke ina-lentle , tsekedi kgotsa letshwao le le dirisiwang ke kgwebo go tlhalosa kumo ya yona. Letshwaokgwebo le lemosa bareki ka ditirelo kgotsa dithoto tsa motho a le mongwe le bo le bontsha pharologanyo magareng ga dithoto le ditirelo tsa gagwe le tsa batho ba bangwe.
Ka jalo ina-lentle ke lefoko kgotsa kopanyo ya mafoko . Tsekedi ke polelwana kgotsa polelo fa letshwao lona e le setshwantsho kgotsa sekai. Mareo a a fa godimo a, ke ona a tlhalosang kumo mo mmarakeng, mme e bile tiriso le bokao ba ona, bo ka akaretsa kumo le tirelo ka bobedi.
Fa letshwaokgwebo di setse di kwadisitswe, ga go motho ope yo o ka dirisang letshwaokgwebo le, kgotsa lengwe le le tshwanang le lona. Fa se se ka diragala, mong wa letshwaokgwebo a ka tsaya dikgato tsa semolao kgatlhanong le ba ba le dirisang. Go setse go nnile le dikgetse tse di kileng tsa tsosa modumo o mogolo mo Aforika borwa fa Macdonalds ya kwa USA e ne e isitse kgwebo ya Aforika borwa e e neng e dirisa letshwao le le tshwanang le la yona la "M".
Bona foromo TM1 mme o e tlatse ka seraro. Dikhopi di le pedi di tla tsewa kwa ofising mme ya boraro e tla nna ya gago mme o e tshole jaaka bosupi jwa gore o dirile kopo.
Duela madi a ikwadiso kwa pele kgotsa o a duele fa o romela lekwalokopo.
Fa o batla go bona karoganyetso ya tota ya dithoto le ditirelo, o ka ya go: Nice Classification - 8th edition , Kgotsa, o ka etela ofisi ya rona mo Pretoria.
Tlatsa mo karoganyetsong 51 ya foromo TM1.
Kwala dithoto tsotlhe le ditirelo tse o batlang go di dirisetsa letshwaokgwebo mo field 57 ya foromo TM1.
tshwanetse go nna kelotlhoko thata gore o seke wa kopanya ditirelo le dithoto tse di welang mo dikaroganyetsong tse di farologaneng mo lekwalokopong la letshwaokgwebo le le lengwe. Fa o ka dira se, o tla kopiwa go fetola dikumo tse di totobaditsweng gore o tsenye fela dithoto le ditirelo tse di welang mo karoganyetsong eo. Mo go tse dingwe tsotlhe, o tla tshwanela ke go faela lekwalokopo le le farologaneng sešwa..
Field 74 ya TM1 "aterese ya tirelo" ke aterese e o tlo romelwang tlhaeletsano yotlhe go tswa kwa ofising ya Matshwaokgwebo. Fa e le gore aterese e e a fetoga, o tshwanetse go itsise Lefapha malebana le se ka go kopa foromo TM2 " Phetogo ya aterese e e dirisiwang"..
Fa lekwalokopo la gago le nyalana le ditlhokego tsotlhe , o tla fiwa letlha la kopo le nomoro. Go tla dirisiwa yona nomoro e mo mefuteng yotlhe ya ditlhaeletsano tse di tswang kwa mo ofising. Le fa e le gore go tsaya dikgwedi di le 18 go kwadisa Letshwaokgwebo, o ka nne wa simolola go le dirisa morago fela, fa o fetsa go amogela nomoro ya kopo.
Fa letshwaokopo la gago le ka amogelwa kwa ntle ga peelomabaka, o tshwanetse go e bapatsa mo Patent Journal, e e phasaladiwang kgwedi nngwe le nngwe ke Kgatiso ya Puso.
Setšhaba se fiwa sebaka sa dikgwedi di le tharo go tlhagisa kemogatlhanong ya bona malebana le leina..
Fa go na le kemogatlhanong e e amogelwang, Mokwadise wa Matshwaokgwebo o tla laela gore go nne le tsheko magareng ga mokopi le moganetsi.
Fa go se na kemokgatlhanong epe, setefikeiti sa ikwadiso ya letshwaokgwebo se tla abiwa.
Leletsa mogala wa kantoro ya barekedi.
Duela kwa bankeng o dirisa khoutu ya morekedi.
Go ka tsaya dingwaga di le pedi go konosetsa kopo ya ikwadiso ya letshwaokgwebo..
<fn>GOV-ZA. Registeravehicletestingcentre.2010-03-25.tn.txt</fn>
Seteišene sa go tlhatlhobiwa ga dirori ke lefelo le le tlhatlhobang dirori le go rebola ditifikeiti tsa go siamela tsela. Go na le diteišene tsa go tlhatlhoba dirori tsa poraefete le tsa botlhe. Diteišene tsotlhe tsa go tlhatlhoba dirori di tshwanetse go kwadisiwa le go lekanyediwa pele di ka rebola ditifikeiti tsa go siamela tsela. Fa Lefapha la Dipalangwa le sena go amogela kopo, le tla romela batlhatlhobi kwa seteišeneng sa tlhatlhobo go netefatsa gore se ikobela maemo a bokgoni a setegeniki a kwadiso jaaka a beilwe ke Moono wa Tsamaiso wa Biro ya Maemo ya Aforika Borwa.
Bokgoni jwa setegeniki bo kaya dilo tse di tla dirisiwang ke seteišene sa tlhatlhobo le katiso ya batlhatlhobi ba dirori.
Diteišene tsa tlhatlhobo tse di kwadisitsweng di ka tlhatlhoba le go leka fela dirori go ya ka tekanyetso ya tsona.
Go kwadisa seteišene sa tlhatlhobo sa poraefete, ikgolaganye le kantoro e e gaufi nao ya tsa pharakano go bona tshedimosetso e nngwe.
Tlatsa foromo ya TS1, Kopo ya go kwadisa Seteišene sa Tlhatlhobo, kwa kantorong e e gaufi nao ya tsa pharakano.
Romela Lekwaloitshupo la gago le la kemedi ya botsamaisi fa o dira kopo mo boemong jwa seteišene sa tlhatlhobo.
O ka kopiwa go romela ditlankana tse dingwe ke MEC.
Duela tlhwatlhwa e e beilweng.
Go ka tsaya dikgwedi tse thataro go diragatsa kopo ya gago.
<fn>GOV-ZA. Registerdrivinglicencetestingcentre.2010-03-25.tn.txt</fn>
Kopo ya go kwadisa lefelo la teko ya dilaesense tsa go kgweetsa e tshwanetse go dirwa ka diforomo tse di nepagetseng tsa kopo. Jaaka karolo ya go dira kopo, o tla tlhoka go rebola tshedimosetso ka ga kemedi ya boeteledipele le batlhatlhobi ba dilaesense tsa go kgweetsa.
MEC wa Dipalangwa wa porofense e kopo e dirwang mo go yona o tla romela batlhatlhobi go sekaseka ditlabelo mme atlenegise tekanyetso e e rileng ya lefelo la teko ya dilaesense tsa go kgweetsa.
Fa MEC a kgotsofalela tshekatsheko eo, o tla lekanyetsa lefelo leo la teko ya dilaesense tsa go kgweetsa, a rekota dintlha ka mo kwadisong ya mafelo a teko ya dilaesense tsa go kgweetsa mme a neele modirakopo setifikeiti sa kwadiso.
Golagana le Lefapha la Dipalangwa la Porofense.
makwaloitshupo a bolaodi jwa lefelo la teko ya dilaesense tsa go kgweetsa setifikeiti sa kwadiso ya kgwebo.
Go ka tsaya dikgwedi di le thataro go kwadisa lefelo la teko.
<fn>GOV-ZA. Registerimportagentanimalgeneticmaterial.2010-03-25.tn.txt</fn>
Moemedi wa thekontle ya dire tsa bolosika jwa diphologolo o tshwanetse go ikwadisa le Mokwadise wa Tokafatso ya Diphologolo pele a ka dira thekontle ya dire tsa bolosika jaaka pelwana , popelo kgotsa moroto wa senna go tlisa mo Aforika borwa.
lefelo la gagwe le tshwanetse go nna le didiriswa tsotlhe tse di beetsweng go dirisetswa dire tsa bolosika lwa diphologolo lefelo la gagwe le tshwanetse go nna le didiriswa tsa laboratori le tsa kgololo ya makgetho tse di nyalanang le maemo a a beilweng badiri ba tshwanetse go nna le bokgoni jwa go dira ka moroto wa senna.
Pagolola foromo mo websaeteng mme o e tlatse gotlhe. Foromo e ka nne ya kopiwa gape go tswa go Mokwadise wa Tokafatso ya Diphologolo.
Diforomo tse di sa tladiwang ka botlalo di tla busediwa morago kwa go beng ba tsona.
Dikopo di tshwanetse go kanisiwa ke ngaka ya diruiwa yo o filweng dithata ke Bothati jwa Dingaka tsa Diruiwa tsa Aforika borwa.
O tshwanetse go romela madi a a lekaneng fa o romela kopo nngwe le nngwe. Ditsheke tsotlhe le dipousetaleota di tshwanetse go romelwa go: Director-General: Agriculture.
Kopo e ka tsaya malatsi a le 30 go konosediwa.
<fn>GOV-ZA. Registeringanonprofit.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tseno ke ditlamo tse di kwadisitsweng go neela ditirelo kgotsa go tlhatlosa dikgatlhego tsa batho ka bontsi mme ga di a ikaelela go dira, kgotsa go atlholwa ka, poelo e di e dirang. Bontsi jwa di NGO mekgatlho ya bodumedi le ya thuso, e wela ka mo karolong eo.
Ka kakaretso mekgatlho e, e neela mefuta e e farologaneng ya ditšhaba jaaka dikema tsa go fepa bana, mekgatlho e e tlhokomelang dikhutsana tsa AIDS, mekgatlho ya bodumedi jalojalo. Madi a mekgatlho e e a dirang morago ga go duelela ditshenyegelo tsa go tsamaisa ditirelo tse, a dirisediwa go atolosa ditirelo tsa yona.
Ka gale, Ditlamo tse, di bona matlole a tsona go tswa mo meneelong le matlole a a tswang kwa moseja gape di kwadisitswe go ya ka Karolo ya 21 ya Molao wa Ditlamo wa 1973 .. Setlamo sa Karolo ya 21 se tshwanetse go nna le bonnye jwa maloko a le 7 le bakaedi ba le 2.
Ka ntlha ya go raraagana ga tsamaiso e e leng teng fa, ditirelo tsa boramolao di a atlanegisiwa mo tsmaisong ya go kwadisa. Memorantamo le Diathikele tsa setlamo di tshwanetse go kokoanngwa mme tsa tlhabololwa go tshwanela setlamo kwa ntle ga kapetlele e e aroganngwang mme e tshwanetse go kanisiwa ke Raditlamo wa Botlhe wa moporofešenale yo o leng mo molaong.
Ikgolaganye le lefapha la Kgwebo le Intaseteri.
Tlatsa mefuta ya diforomokopo tse di bonwang kwa go lefapha la Kgwebo le Intaseteri.
Tirelo e e ka tsaya malatsi a le 5.
Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. ikgolaganye e lefapheng la Kgwebo le Intaseteri.
<fn>GOV-ZA. Registerlandforkeepingbuffalo.2010-03-25.tn.txt</fn>
Mongwe le mongwe yo o eletsang go rua dinare o tshwanetse go kwadisa lefatshe le a le dirisang go rua le Lefapha la Temothuo.
Bula saete mme o tlatse foromo ya kopo o kwala ka go gatisa. O ka nne wa iponela foromo kwa ofising ya puso ya kalafi ya diphologolo e e gaufi le wena.
Kopa ngaka ya diphologolo ya puso go tlhatlhoba lefatshe le legora a bo a netefatse maemo a pholo a nare.
Tlhogo ya lefapha la ditirelo tsa bongaka jwa diphologolo mo porofentsheng o tshwanetse go netefatsa gore go na le ditlhokego tse di lekaneng go tlhokomela maemo mo polaseng nako nngwe le nngwe, le gore metsamao ya dinare mo polaseng e tlhokomelwe ka tshwanelo le gore go tlhokomelwe metsamao e e sa tlwaelegang le go busetsa maemo setlwaeding kwa ntle ga tshenyo ya nako.
setefikeiti sa semmuso sa se se bontshang sediko se se lekaneng se se rebotsweng ke bothati jwa tshomarelo ya tlhago khopi ya mmepe o o bontshang sentle boemo jwa lefatshe le o dirang kopo ya lona.
Gore kopo e tsaya nako e kanakang go tswa fela mo porofenseng.
Batlhankedi kwa lefapheng la bosetšhaba ba tla go naya nomoro ya go ikwadisa ya semmuso, ba tsenye le tshedimosetso mo rejisetareng ya bosetšhaba ya dinare ba bo ba gatisetse mong wa lefatshe setifikeite sa ikwadiso. Thulaganyo yotlhe e ka tsaya malatsi a le lesome a tiro.
Tirelo e ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Registertovote.2010-03-25.tn.txt</fn>
Go kgona go tlhopha mo ditlhophong tsa bosetšhaba, tsa porofense kgotsa tsa mmasepala o tshwanetse go ikwadisa mo sedikeng sa ditlhopho se o nnang mo go sona. Se se botlhokwa segolo mo ditlhophong tsa bommasepala gonne o ka tlhopha fela mo sedikeng sa ditlhopho se o ikwadisitseng mo go sona. Fa o setse o ikwadisitse mme dintlha tsa gago di netefaditswe kgatlhanong le Buka ya Kwadiso ya Setšhaba, leina la gago le tla tsenngwa mo teng ga Lenaneo la Bosetšhaba le le Tlwaelegileng la Batlhophi.
le moagi wa Aforika Borwa le dingwaga di le 16 kgotsa go feta na le lekwaloitshupo la Aforika Borwa.
Lenaneo la Batlhophi le tswalwa ka letsatsi le letlha la ditlhopho le goelediwang mo teng ga Kuranta ya Puso.
Ikwadise ka namana kwa seteišeneng sa ditlhopho mo sedikeng se o nnang mo go sona ka paka ya ikwadiso ya batlhophi ka kakaretso.
Ikwadise nako nngwe le nngwe ka diura tsa tiro kwa Khomišeneng e e Ikemetseng ya Ditlhopho ya selegae.
Tsamaya ka ID ya gago.
Tlatsa foromo ya kopo e e maleba.
Motlhankedi wa kwadiso o tla kgomaretsa setlankana mo bukaneng ya gago ya ID se na le nomoro ya sedika sa sa ditlhopho.
Kopo ya gago ya go ikwadisa e tla diragadiwa ka yona nako eo.
Tirelo e ke ya mahala.
Diforomo di ka bonwa ka dikantorong tsa ikwadiso.
<fn>GOV-ZA. Registerwateruse.2010-03-25.tn.txt</fn>
Badirisi botlhe ba metsi, ba ba sa amogeleng tlamelo ya metsi go tswa go mothelesi wa tiriso, botsamaisi jwa tsa selegae, boto ya metsi, boto ya go nosetsa, thulaganyo ya metsi a puso kgotsa bothelesi bongwe le bongwe ka bontsi, bo tshwanetse go kwadisa tiriso ya jona ya bontsi le Lefapha la Merero ya Metsi le Dikgwa.
Karoganyo ya dinoka le melatswana kgotsa diphetolo go nna makidi kgotsa diponagalo tsa tsela ya metsi.
Bobolokelo - Motho mongwe le mongwe kgotsa mokgatlho o o bolokang metsi ka mabaka mangwe le mangwe a a rileng, go tswa mo metsi a elelang fa godimo, metsi a ka fa tlase ga lefatshe kgotsa motswedi o o elelang mo go feteletseng go go lekanang dikhubiki metara di le10 000 kgotsa mo lefelong le le tletseng metsi thata go feta heketara e le 1 gotlhe mo tikologong e e nang le mong wa yona kgotsa e go nnang motho yoo kgotsa mokgatlho o o senang tumelelo kgotsa phemiti.
Ditiro tsa go fokotsa kelelo ya molapo -Go jala dikgwa go dirisetswa kgwebo, go akarediwa dikgwa tsa setšhaba gore go nne le dipoelo tsa kgwebo, fa go diragetse pele ga ngwaga wa 1972, gona go tshwanetse go kwadisiwa. Beng ba dikgwa ba ba nang le diphemiti tse di ntshitsweng ka fa tlase ga Molao wa Dikgwa wa 1998 , bona ga ba a tshwanela go ikwadisa, ka gonne re tla ba romela ditokomane tsa boikwadiso tse di tladitsweng, gore ba di tlhabolole fa go tlhokagala, ba di saene, mme ba di busetse go lefapha.
Tiriso ka botsamaisi jwa tsa selegae ga mmogo le bathelesi ba bontsi jwa bona ba nang le metswedi ya bona ya metsi le ditiro tsa phepafatso.
Ditiro tse di Laolwang, jaaka go nosetsa ka mantle, go tlhola maatla ka metsi, tlhabololo/phetolo ya mowa kgotsa go tlatsa llaga ya letlapa kgotsa mmu o o fetisang metsi a mantsi.
Ikgolaganya le kantoro ya kgaolo ya Lefapha la Merero ya Metsi le Dikgwa e e gaufi le wena.
Tlatsa diforomo tse di tshwanetseng ka thuso ya motlhankedi wa kgaolo.
dintlha tsa botlhokwa tsa mokopi Sefane, maina le diaterese tsa mokopi lefelo fa tiriso ya metsi e yang go diragala teng sefane, maina le diaterese tsa mong wa lefelo tlhomamiso ka mokopi tlhomamiso ka mong wa lefelo tshedimosetso ya tshupamolato khopi ya pasa e e ikanetsweng khopi ya kano ya mong wa lefelo khopi e e ikanetsweng ya tumalano ya khiriso ya setsha kobamelo ya ditlhokego tsa ditirelo tsotlhe tse go dirilweng kopo ya tsona.
Tshekatsheko ya kwadiso e ka tsaya kgwedi e le1.
Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.
<fn>GOV-ZA. Registrationasaprofessionalnaturalscientist.2010-03-25.tn.txt</fn>
Batho ba ba ratang go dira jaaka banetshi ba tsa tlhago, ba kopiwa go ikwadisa le Lekgotlha la Banetetshi ba tsa Tlhago la Borutegi/Porofešenale ba Aforika Borwa.
tlhokomela boemo jwa thuto le katiso ya banetetshi ba tsa tlhago, le go lemoga thuto le katiso tse e leng ditlhokegopele tsa go ikwadisa go ya ka Molao wa Akatemi ya Bonetetshi ya Aforika Borwa wa 2001.
Batho ba ba sa ikwadisang ga ba a tshwanela go dira tiro e e tlhophetsweng batho ba ba ikwadisitseng.
Goreng o tshwanetse go ikwadisa?
go go kgontsha go dira tiro ya seporofešenale Go dirisa leina la semmuso le thaetlele e e reng 'monetetshi wa tsa tlhago' kgotsa go kgomaretsa khutswafatso e e laotsweng fa morago ga leina la gago.
go dira mo maemong a go neela maele go itumelela maemo a seporofešene le go nna le seabe mo dipoelong tse di neelwang ke ditheo tsa ditšhelete go itumelela tshegetso ya SACNASP le netefatso ya bokgoni jwa gago jo bo ka se keng jwa belaelwa go sireletsa le go tiisa seporofešene.
Motho mongwe le mongwe yo o eletsang go ikwadisa jaaka Monetshi wa tsa Tlhago wa Moporofešenale mo lefelong la Bonetetshi jwa Forensiki, o tshwanetse a bo a na le dikirii ya dinyaga di le nne ya B. Sc, Onase ya B. Sc kgotsa B. Tech mo bonetetshing jwa tsa tlhago.
e tshwanetse ya bo e theilwe mo godimo ga bonnye jwa dithuto di le pedi tsa motheo wa tsa bonetetshi jwa tsa tlhago tsa fisika tsa maemo-1, khemesitiri, matematekisi, le/kgotsa baeoloji.
Bonnye jwa diporosente di le 50% tsa dirutwa tse di leng mo lenaaneng di tshwanetse go aroganyetswa jaaka dirutwa tsa bonetetshi jwa tsa tlhago.
O tshwanetse go kgona go neela bosupi jwa katiso ya Bonetetshi jwa Forensiki kgotsa ya Dipatlisiso, sekao, go tlhatlhoba ditkomane, go batlisisa molelo, go tbatlisisa matshwao a sedirisiwa, go batlisisa botšhotšhisi, ditsamaiso tsa molao le kgotlatshekelo, paki ya matwetwe, kgotsa dikhoso tse dingwe tse di amogetsweng.
O tshwanetse go tlhaloganya sentlentle ditiro tse di tsamaelanang le bonetetshi jwa tsa tlhago le dipatlisiso. Dikarolo tsa kitso tse di leng botlhokwa go modiri wa bonetetshi jwa forensiki, di akaretsa manaane a khoso ya forensiki.
kitso ya go rarabolola mathata bopaki jwa ka mo kgotlatshekelong matseno mo go tsa molao netefatso ya boleng dingwao go dira seporofešenale go kokoanya, le go tlhatlhoba bopaki bokgoni jwa bonetethi le go rarabolola mathata a kwa laborotaring go dirisa bonetetshi mo ditsamaisong tsa molao dithekeniki tsa bosekaseki jwa forensiki go sekaseka lefelo la bosenyi dikgopolo tsa bopaki jo bo bonwang ka matlho khemisitiri ya go sekaseka le tshekatsheko ya mekgwa e e dirisiwang patlisiso ya seritibatsi, khemikale ya botlhole, maekheroskopi le dire baeloji ya forensiki maitemogelo a kwa tirong.
patlisiso le karoganyetso ya dibetsa/ditlhabano go golaganya sebetsa le bosenyi, go tlhokomela mafelo a bosenyi, le go batlisisa kgonego ya go dirisa bopaki jwa forensiki.
tshegetso ya setegeniki fa go sekasekiwa dikotsi tsa pharakano ya tsela, kagosešwa ya ditiragalo tse di tlhotseng thulano, dipatlisiso tse di tseneletseng tsa dikarolo tsa sejanaga, kitso ya thekenoloji ya dipalangwa Borutegi jwa fisika kgotsa jwa dire tsa bonetetshi bo tla nna maleba dipatlisiso tsa molel dithuto tsa ditokomane tsa dipotso - temogo ya mokwalo tiriso ka botlalo ya lefelo le poelo ya bopaki tiroso ka botlalo ya boleng jwa bopaki bokwadi jwa bonetetshi ditlhotlhomiso tse di tsamaelanang le tsa seforensiki maitemogelo ka mo tikologong ya laborotori tiro ya tshekatsheko e motheo wa yona e leng khemisetiri le baeolji go nna moeletsi kwa lefelong la bosenyi maikarabelo a go tlhokomela ka mo laborotoring fa go sekasekiwa dire tse di amilweng tse di golaganngwang le bosenyi tshekatsheko - baeoloji, khemisitiri, diritibatsi le botlhole bopaki jo bo sa gobeleleng jwa bonetetshi mo dikgotlatshekelong tsa molao go tshegetsa botšhotšhisi kgotsa kemedi mo dipatlisisong tsa bosenyi tiro ya ditshwantsho.
Tlatsa foromokopo e e bonwang kwa Khanseleng.
Tsenya tefo e e laotsweng ya go ikwadisa le kopo ya gago. Lekgotlha le tla kwadisa le go ntsha setifikeiti sa ikwadiso fa le kgotsofetse gore o na le thuto e e maleba e e batlegang le maitemogelo jaaka dilo tse di laolwa ke Lekgotlha.
Dikopo tsotlhe di tshwanetse go tlhatlhobiwa ke PAC e e maleba, mme e letleletswe ke Komiti ya Ikwadiso ya SACNASP mme tsa rebolwa ke Lekgotlha le le tletseng.
Dipoelo tsa tlhatlhobo e, ga di kitla di itsisiwa go fitlhela kopano ya Lekgotlha e tswa.
fa go ikwadisa ga mokopi e emisitswe nakwana ka ntlha ya kwatlhao e nngwe fela jaaka e dirwa mo go ena ka fa tlase ga Molao fa mokopi a tlositswe mo setulong sa gagwe sa go tshepiwa ka ntlha ya maitsholo a a sa siamang fa mokopi e le motho yo go kgonagalang gore a ka busetswa sekeng sa gagwe fa a se na go wa, mme go wa ga gagwe go tlhotswe ke go se ele tlhoko ga gagwe kgotsa ka ntlha ya go tlholwa ke tiro mme kopo e a e dirang, e wela mo bogolong jwa karolo e a dirang kopo ya kwadiso ya yona.
Lekgotlha le tla go itsise ka lekwalo fa kopo ya gago ya go ikwadisa e gannwe.
O ka nna wa dira boikuelo kgatlhanong le Lekgotlha mo malatsing a le 30.
Tshwanetse go dira kopo go Lekgotlha fa o batla go ntšhwafatsa ikwadiso ya gago mo dikgweding tse tharo pele ikwadiso ya gago e fela.
Kwadiso e ka tsaya dibeke di le thataro go ya go di le robedi, go ya ka gore o tsentse tokomane e e tlhokegang leng.
Fa o dirisa go banka ka eleketeroniki le fa o tsenya madi ka tlhamalalo: Tsweetswee dirisa ditlhaka tsa pele tsa leina le sefane go lemoga tuelo ya gago mo seteitementeng sa rona sa banka mme o fekese bopaki jwa gore o duetse mmogo le tsebe ya ntlha ya foromokopo ya gago go: 841 1057.
<fn>GOV-ZA. Registrationasasubscribertodeedsweb.2010-03-25.tn.txt</fn>
Boikwadiso jwa dikano bo buletse mongwe le mongwe mo setšhabeng go bona tshedimosetso.
maina, ditlankana tsa boitshupo jwa lenyalo la beng palo ya dikeletso tse di ikwadisitsweng kgatlhanong le batho le dithoto ditlankana tsa phetiso ya thoto go tsenyeletsa letlha la kwadiso le tlhotlhwa ya thekiso ditlankana tsa peeletso ya go itlama, go tsenyeletsa maina a babeeletsi le palo ya letlotlo.
Dikgatiso tsa eleketeroniki le tsa dikano tsa makrofilimi le ditokomane.
Go bona diponagalo tse, o tshwanela o nne moikanisi yo o ikwadisitseng wa webo yo o ikwadisitseng yo e leng leloko jaaka go tlhaloswa ke dituelo tse di duelwang. Lenane la Dituelo tsa Kantoro jaaka le tlhalosiwa ke molao wa boikwadiso jwa dikano wa 1937 le ka bonwa mo Atereseng ya poso kwa tlase.
E ya go www.deeds.gov.za. Lenane le le tlhophilweng la ditiragatso tse di solofelwang le le tlhagelelang mo Atereseng ya poso.
Tlatsa foromo ya boikwadiso e e mo online.
Leina tiriso le tla romelwa go wena. E, e tla nna akhaontonomoro ya gago ya maikaelelo otlhe a matlotlo. O tla neelwa le nomoro ya sephiri e o tla tshwanelang ke go e fetola ka bonako jo bo kgonegang morago ga foo.
Duela tuelo ya boikwadiso. Melwana ya go banka le ditlankana di tlhagelela mo Atereseng ya poso.
Fa o fetsa go tsenya tuelo ya boikwadiso mo akhaontong ya mokwadisimogolo wa dikano, letsetsa kantoro ya mokwadisimogolo go mo itsise ka tuelo ya gago. Nomoro ya mokwadisimogolo e tla netefatsa tuelo ya gago.
kantoro ya go ikgolaganya e tla dira gore akhaonto e simolole go dira mme o tla kgona go bona tshedimosetso ya webosaete kwa bofelong jwa kgwedi nngwe le nngwe o tla romelwa setatamente . Setatamente seo se bonwa mo atereseng ya poso go go kgontsha go lekola ditefo le go go gopotsa ka dituelo mo akhaontong.
Fa o fetsa go ikwadiswa, tshedimosetso e tla nna gone ka bonako.
Tlhotlhomiso: bonnye jo bo kana ka R1, bogolo jo bo kana ka R3 go ya go ya tekanyetso e e fetogang e e ikgolagantseng le nomorotlhomamiso e dirwang mo kgweding.
Tuelo ya boikgolaganyo fa akhaonto e saletse kwa morago ka malatsi a le 30: Yona ke R80.
<fn>GOV-ZA. Registrationasenvironmentalservices.2010-03-25.tn.txt</fn>
Bogolo jwa mefutafuta ya borutegi mo lefelong la bonetetshi jwa tikologo e e rutiwang bogolosegolo ke diyunibesithi, ka dinako dingwe e dira gore go batle go sa kgonagale go sekaseka borutegi bo le bongwe mo thupisong-bontsi jwa bonetetshi. Ka jalo go botlhokwa go netefatsa pele gore a motho a ka fetsa borutegi jaaka monetetshi mo go nngwe ya mafelo a tiro ya "motheo". Seno se raya gore motho a ka tshwanela go katisiwa jaaka mokemise, mojeoloji, mobothani kgotsa nngwe ya mafelo a tsa bonetetshi jwa tsa tlhago mme a kgotsofatsa ditlhokego tsotlhe tsa borutegi pele a ka tabogela go ikwadisa mo lefelong la Bonetetshi jwa Tikologo. Seno ga se reye gore ke boikwadiso sebedi.
Batho ba ba ratang go dira jaaka banetetshi ba tikologo ba tlhoka go ikwadisa le Lekgotla la Bonetetshi jwa tsa Tlhago jwa Seporofešene la Aforika Borwa.
Motho mongwe le mongwe yo o eletsang go ikwadisa jaaka Monetshi wa tsa Tlhago wa Moporofešenale mo lefelong la Bonetetshi jwa Tikologo, o tshwanetse a bo a na le dikirii ya dinyaga di le nne ya B. Sc, Onase ya B. Sc kgotsa B. Tech mo bonetetshing jwa tsa tlhago.
e tshwanetse ya ithutiwa ka go anama le go tsenelela go go golang mo dinyageng di le nne, gape e tshwanetse ya bo e theilwe mo godimo ga bonnye jwa dithuto di le pedi tsa motheo wa tsa bonetetshi jwa tsa tlhago tsa fisika tsa maemo-1, khemesitiri, matematekisi, le/kgotsa baeoloji.
Bonnye jwa diporosente di le 50% tsa dirutwa tse di leng mo lenaaneng di tshwanetse go aroganyetswa jaaka dirutwa tsa bonetetshi jwa tsa tlhago.
Mo godimo ga ditlhokego tse di fa godimo, motho yo o ratang go kwadisiwa mo lefelong la Bonetetshi jwa Tikologo, o tshwanetse go kgona go neela bopaki jwa katiso mo Botsamaising jwa Tikologo . Seno e ka nna karolo ya lenaane la dikirii ya dinyaga di le nne kgotsa ka tsela ya dikhoso tse khutshwane tse di amogetsweng. O tshwanetse go nna le rekoto e e supang fa o tlhaloganya dipatlisiso le tiro e e tsamaelanang le bonetetshi jwa tlhago. O ka nna gape wa dira go anama ga se se dirwang ke badiri ba tikologo.
Barotloetsi ba go ithuta ba ba setseng ba feditse dikhoso di le mmalwa tsa botsamaisi ba tsa tikologo, fela ba se na katiso e e tlhokegang ya bonetetshi jwa tlhago, sekao, barulaganyi ba toropo, basosioloji, baekonomi, baagiteke le bathutafatshe/jeokerafi ba ba nang le dikiriii ya B.A., ga ba kitla ba atlega go ikwadisa jaaka banetetshi ba tsa tlhago ba seporofešenale, jaaka, Barotloetsi ba go ithuta ba ba jalo, ba tshwanetse go nna le batho ba ba nang le katiso ya tsa bonetetshi ba tsa tlhago mo ditlhopheng tsa bona.
Bakopi ba tshwanetse go ntsha bosupi jwa go nna le seabe mo diporojekeng tse di ka nnang pedi kgotsa go feta. Dipegelo tsa diporojeke tse di setseng di feditswe di tla sekegelwa tsebe, fa fela go na le bosupi jo bo kgotsofatsang jwa go nna le kabelo ka bonosi.
Kwadiso ka Modiri wa Tlhatlhobo ya Tikologo ya Aforika Borwa e tla tsewa jaaka bosupi jo bo kgotsofatsang jwa tlhokego e e fa godimo.
Fa godimo ga foo, go tshwanetse ga neelwa tshedimosetso ya dikhonferense tse go ilweng kwa go tsaona le diphasalatso tsa bonetetshi.
Ditherisano di tla tshwarwa le wena ke phanele ya batho ba le babedi ba ba tlhophilweng ke SACNASP e e maleba le Komiti ya Dikgakololo ya Seporofešenale.
Dikopo tsotlhe di tshwanetse go tlhatlhobiwa ke PAC e e maleba, mme e letleletswe ke Komiti ya Ikwadiso ya SACNAP mme tsa rebolwa ke Lekgotlha le le tletseng.
Dipoelo tsa tlhatlhobo e, ga di kitla di itsisiwa go fitlhela kopano ya Lekgotlha e tswa.
Fa, morago ga tshimologo ya tiriso ya Molaotlhomo wa Repaboliki ya Aforika Borwa ya 1996, mokopi a kile a tshwarelwa tshenyo, e ka tswe e le mo Repaboliking kgotsa kwa go sele, mme a tlhatlhelwa kwa kgolegelong nako ya dikgwedi di le tharo kgotsa a ntsha faene jaaka e le tsela nngwe ya go bonwa molato.
Fa Kgotlatshekelo e begile fa mokopi a sa itekanela mo tlhaloganyong kgotsa a tsenwa, kgotsa fa a kile a tshwarwa ka fa tlase ga Mental Health Act, 2002.
Fa go ikwadisa ga mokopi e emisitswe nakwana ka ntlha ya kwatlhao e nngwe fela jaaka e dirwa mo go ena ka fa tlase ga Molao.
Fa mokopi a tlositswe mo setulong sa gagwe sa go tshepiwa ka ntlha ya maitsholo a a sa siamang.
Fa mokopi e le motho yo go kgonagalang gore a ka busetswa sekeng sa gagwe fa a se na go wa, mme go wa ga gagwe go tlhotswe ke go se ele tlhoko ga gagwe kgotsa ka ntlha ya go tlholwa ke tiro mme kopo e a e dirang, e wela mo bogolong jwa karolo e a dirang kopo ya kwadiso ya yona.
Lekgotlha le tla go itsise ka lekwalo fa kopo ya gago ya go ikwadisa e gannwe.
O ka nna wa dira boikuelo kgatlhanong le Lekgotlha mo malatsing a le 30.
O tshwanetse go dira kopo go Lekgotlha fa o batla go ntšhwafatsa ikwadiso ya gago mo dikgweding tse tharo pele ikwadiso ya gago e fela.
Tlatsa foromokopo e e bonwang kwa Lekgotla la Seporofešene la Boneteshi jwa tsa Tlhago la Aforika Borwa.
Tsenya kopo ya gago le tefo e e rebotsweng.
Lekgotla le tla kwadisa la ba la ntsha setifikeiti sa kwadiso fa le kgotsofetse gore o na le thuto e e maleba le maitemogelo jaaka go tlhotlhomisitswe ke Lekgotla.
Kwadiso e ka tsaya dibeke di le thataro go ya go di le robedi, go ya ka gore o tsentse tokomane e e tlhokegang leng.
Fa o dirisa go banka ka eleketeroniki le fa o tsenya madi ka tlhamalalo: Tsweetswee dirisa ditlhaka tsa pele tsa leina le sefane go lemoga tuelo ya gago mo seteitementeng sa rona sa banka mme o fekese bopaki jwa gore o duetse mmogo le tsebe ya ntlha ya foromokopo ya gago go: 841 1057.
<fn>GOV-ZA. Registrationofagriculturalremedy.2010-03-25.tn.txt</fn>
Menontsha yotlhe e e rekwang kwa mafatsheng a kwa ntle mme e tliswa mo Aforika Borwa, le e e dirwang le go rekisiwa mo Aforika Borwa e tshwanetse go kwadisiwa go ya ka Molao wa Ikwadiso wa 36 wa 1947. Kalafi ya temothuo e akaretsa sebolaya-kgogodi, sebolaya-ditshenekegi, sebolaya-dimela, selaola-dimela tse di tlhogang, go tlhotlhorega matlhare, go omelela ga dimela, le go kukunya ga dinawa.
Dikhamphane tse di tswang moše wa mawatle ga di a letlelelwa go dira kopo ya go ikwadisa mo Aforika Borwa. Dikhamphane tsa fa gae, baagi ba naga ya Aforika Borwa kgotsa Setheo sa semolao mo Aforika Borwa ke tsona fela di letleletsweng go dira kopo ya go ikwadisetsa menontsha ya temothuo.
Mokwadisi go ya ka molao wa 36 wa 1947 o tshwanetse go itsisiwe ka lekwalo ka maikaelelo a go dira thuto-patlisiso e e tlhokegang ya kalafi ya temothuo gore a kgone go sekaseka tiragatso ya yona.
Mokwadisi a ka kopa tshedimosetso ya tlaleletso gore a kgone go netefatsa gore kalafi e a amogelesega, e matshwanedi mme e bile e ka kgona go alafa ditshedi.
Bula saete mme o tlatse foromo ya kopo ka botlalo. Mo go tlhokegang, tshedimosetso e e kopiwang e ka romelwa jaaka dimametlelelo tse di aroganeng mme di filwe dinomoro.
Lenane ga mmogo le II a dirisiwa jaaka mananenetefatso ga mmogo ga mmogo le selekanyetso go netefatsa gore mokopi o tlisitse dintlha tsotlhe tse di maleba tse di tlhokegang.
lefelo bogorogelo selekanyetso sa mothamo motlhagolatsela wa thuto-papiso mafelo ya thuto-patlisiso metswako e e nowang tshedimosetso nngwe le nngwe e Mokwadise a ka e tlhokang bontsi jwa kumo e e tlo rekwang ntle.
Diforomo tse di sa tladiwang ka botlalo di tla busediwa morago kwa mokoping mme e bile lefapha ga le kitla le rwala maikarabelo fa dilo di sa tsamaya sentle ka ntata ya se.
Dintšhwafatso di ka dirwa go tloga ka Ferikgong 1 go fitlha ka Mopitlwe 31.
Tebosešwa ya metswako e mentšhwa e e dirang go ka tsaya go fitlha ngwaga o le mongwe. Dikopo tsa bokhutlotiriso-jo-bontšhwa kgotsa tsa dikaelo ka gale di diragadiwa mo dikgweding di le thataro.
Kantoro ya Mokwadise e ntsha makwalo a diforomo tsa kopo le tsa ntšhwafatso ya ikwadiso go di romela batho botlhe ba ba ikwadisitseng.
<fn>GOV-ZA. Registrationofapatent.2010-03-25.tn.txt</fn>
Patente ke tshwanelo e e kgethegileng e e fiwang khamphane e e ribolotseng sengwe. Thibololo ya mothale o e tshwanetse go nna kumo kgotsa thulaganyo e e nayang tsela e ntshwa ya go dira sengwe, kgotsa e e nayang tharabololo ya setegeniki ya bothata.
Patente e naya tshireletso ya thibololo go mong wa patente. Tshireletso ya patente e ka tsaya dingwaga tse di rileng, ka kakaretso patente e tsaya dingwaga di le 20. Tshireletso ya patente e raya gore ga go na motho kgotsa khamphane e e ka dirang kumo ya mothale o ka maikaelelo a go e rekisa kgotsa go e dirisa kwa ntle ga tumelelo ya mong wa yona.
Bona diforomo tse di tlhokegang tsa kopo go tswa kwa ofising ya Mokwadise wa di-patente.
Romela khopi e e kanisitsweng ya lekwaloitshupo.
Faela lekwalokopo ya nakwana mo foromong e e maleba - se se ka diragatswa ke mokopi ka thuso kgotsa kwa ntle ga thuso ya mmueledi.
Faela lekwalokopo le le feletseng - se se tshwanetse go dirwa ka therisano le mmueledi wa patente.
<fn>GOV-ZA. Registrationofdieselfuelrefund.2010-03-25.tn.txt</fn>
Kgwebo nngwe le nngwe e e tsholang ditiragatso tse di maleba mme e ikwadisitse go duela lekgetho ka fa tlase ga Molao wa Lekgethokakaretso wa 1991 - jaaka go ka tswa go pateletswa - ba ka dira dikopo tsa go busetswa madi a peterolo ya disele ka go tlatsa VAT 101D.
Ikgolaganye le kantoro ya selegae ya Tirelo ya Matlole ya Aforika Borwa go bona foromo ya kopo. Kgotsa o ka tsaya le go tlatsa foromo ya Application for Registration of Diesel Refund, VAT 101D kgotsa wa ikwadisa mo inthaneteng.
Barekisi ba ba ikwadisitseng ba tshwanetse go tsentsha nomoro ya boikwadiso ya bona ya Lekgethokakaretso.
Badiradikopo ba ba sa ikwadisetsang VAT ba tshwanetse go tlatsa foromo ya VAT 101 go ba kgontsha go fitlhela nomoro ya boikwadiso ya VAT, pele ba dira kopo ya boikwadiso mo tsamaisong ya pusetsomadi ya peterolo ya disele.
Letlha le le amegang ga le a tshwanela go nna pele ga 4 Phatwe 2001. Letlha le le amegang la dikopo ste dintšhwa e tla nna mo letlheng le modiradikopo a tshwanelang ke go ikwadisetsa VAT.
Peterolo ya disele le tla duelwa mo akhaontong ya banka ka mokgwa wa eleketeroniki wa. Ga go tšheke e e tla ntshiwang. Dintlha ka ga banka tse di neetsweng mo foromong ya VAT 101D di tla tlosiwa go emela ditlankana tsa banka tse di leng teng mo tsamaisong ya VAT, fa e le gore di a farologana.
Itsitse Tirelo ya Matlole ya Aforika Borwa fa e le gore ditlankana ka ga banka di fetotswe.
Ga go nako e e tsepameng e e beilweng.
Ditirelo ga di duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Registrationofvat.2010-03-25.tn.txt</fn>
O a tshwanela go ikwadisetsa VAT fa moputso o o boneng mo go rekiseng dithoto kgotsa dituelo tse di bonwang go tswa go ditirelo tse di neelwang di feta R300 000 ka ngwaga, kgotsa go utlwala gore e ka feta palo e.
Motho a ka ithaopa go ikwadisa fa thekisogotlhe mo dikgweding di le somepedi e feta R20 000 kgotsa go na le kgonagalo ya go feta R20 000.
Dikopo tsa go pateletswa le boithaopo jwa go ikwadisa di tshwanetse tsa diriwa mo foromong ya VAT 101 e e bonwang go tswa mo karolong ya diforomo tse di mo tlase kgotsa e e fitlhelwang go Lefapha la Selegae la Moamogedi wa Makgetho. oromo e tshwanetse go romelwa go kantoro ya SARS ya selegae e seng morago ga malatsi a le 21 go tloga ka letlha le molato o duelwang ka lona.
khopi e e netefaditsweng ya boitshupo jwa morekisi le boitshupo jwa molekane wa lenyalo fa go nyalanwe ka tlhakanelo ya dithoto.
Fa e le kgwebo ya kwa kwa ntle, go tlgagisiwe ditlankana tsa mong yo o thapilweng mo Aforika Borwa.
Khopi e e matshwanedi ya setefikeiti sa boikwadiso go tswa go Mokwadisi wa Ditlamo/Dikoporasi tse di kopetsweng.
kgotsa ya ditlhogokwalo tsa bothati jwa selegae kgotsa jwa bosetšhaba. Fa e le bokopanelo jwa molomo, go tshwanetse go tladiwa foromo ya VAT 128. Diathikele tsa Mekgatlo ya ditlamo ga di tlhole di tlhokega.
Dikanego ditatamente tsa sešweng go tswa bankeng, tšheke e e phimotsweng kgotsa lekwalo la kwa bankeng le le netefatsang dintlha ka ga banka ya gago ya Aforika Borwa. Fa akhaonto ya banka e se mo leineng la morekisi, foromo 119 I ya VAT e tshwanetse go tladiwa.
Lekwalo la go thapiwa ga motsholadibuka wa kwa ntle, mmalamatlotlo kgotsa moruni fa karolo 7 ya VAT 101 e tladiwa.
Khopi ya sešweng ya akhaonto ya mmasepala kgotsa bosupi jwa aterese kgotsa ditshupapele kgotsa bosupi jwa aterese.
Leano la kgwebo, tshekatsheko ya kgonego, dikonteraka tse di saenweng, tumalano ya forentšhaese kgotsa diakanyetsopele kgotsa bosupi bongwe jo bo bontshang gore tlhotlhwa ya lekgetho la diromelwa di na le kgonagalo ya go feta R300 000. Se ga se tlhokege fa o setse o fetile R300 000. Mo mabakeng a boikwadiso jwa boithaopo go tshwanetse go romelwa thekisogotlhe e e bonweng e e fetileng R20 000.
Laesense ya kgwebo e e tlhokegang mo kgwebong eo sekao. ditagi kgotsa laesense ya go thaya ditlhapi.
Fa kopo ya boikwadiso e setse e dirilwe, Moamogedi wa Makgetho o tla go eletsa ka nomoro ya boikwadiso. O tla amogela setefikeiti sa boikwadiso sa VAT.
O tla eletswa gape fa e le gore kopo ya gago e gannwe.
Letlelela malatsi a tiro a le 10 gore lekala la kantoro ya selegae e tshwaragane le ditokomane tsa gago. Setifikeiti se tla romelwa ka poso e e neetsweng mo kopong ya boikwadiso mme e tshwanetse go amogelwa mo dibekeng tse 2 mo tsweletsong ya kopo. Bathapiwa ba SARS ga ba a dumelelwa go go eletsa ka molomo ka ga nomoro ya gago ya VAT.
Tirelo e ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Registrationofveterinaryexportfacilities.2010-03-25.tn.txt</fn>
Diphologolo le dikumo tsa diphologolo di ka romelwa ntle fa di tswa mo mafelong a a amogetsweng go ya ka ditekanyetso tsa boditšhabatšhaba kgotsa molao wa naga e e rekang dikumo. Mafelo a e ka nna maselagapane a a rebotsweng, lefelo mo go imisiwang diphologolo ka mokgwa wa maitirelo, tikwatikwe ya kokoanyo ya leruo, polase, lefelo la go fepa leruo, feme e e dirang dijo tsa leruo, lefelo le go bolokelwang dijo tsa leruo teng, jalo-jalo.
Ikgolaganye le ngaka ya leruo ya puso ya porofense go dira kopo ya go tlhatlhobiwa ga lefelo go le kwadisetsa diromelwantle.
Ngaka ya leruo ya puso ya porofense e tla tlhatlhoba lefelo la gago.
Pegelo ya tlhatlhobo e tlo romelwa kwa Lefapheng la Temothuo go tlhatlhobiwa le go rebolwa e na le lekwalo le le tlhalosang mabaka ga mmogo le dintlha tsa kgakololo tsa bofelo tse di tshwanetseng go diragadiwa.
Fa e rebotswe, lefelo le tla kwadisiwa mme setefikeiti sa ikwadiso se tla abiwa.
Nako e e tsewang go wetsa ikwadiso e farogana go ya ka diporofense.
Go tswa mo porofenseng.
Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. Ikgolaganye le ngaka ya leruo ya puso ya porofense goba le Lefapha la Temothuo.
<fn>GOV-ZA. Rehabilitationbyinsolvent.2010-03-25.tn.txt</fn>
Motšhoni ke motho yo o kolotang mme dithoto tsa gagwe di leng ka fa tlase ga kamogodithoto . Fa o nyetswe ka fa tlase ga molao wa tlhakanelodithoto, mme molekane wa gago a bo a tšhona, Molao wa Botšhoni wa 1936, o go kaya le wena o le motšhoni.
Fa motšhoni a batla gore a sekasekwe jaaka motho yo o sa tlholeng a tšhonne mo dinyageng di le lesome fa a sale a kaiwa jaaka motšhoni, o tshwanetse go dira kopo ya go tšhonololwa.
Ke mang yo o ka dirang kopo ya go tšhonololwa?
motšhoni ka boena agente e e laetsweng go kaya fa motho yoo a tšhonne, fa motšhoni a sa dule mo Aforika Borwa motlholagadi kgotsa moswelwa fa motšhoni, fa batšhoni ba ne ba nyalane ka fa tlase ga molao wa tlhakanelodithoto molekane wa pele wa motšhoni, fa ba ne ba nyalane ka fa tlase ga molao wa tlhakanelodithoto badiragatsi ba thoto ya moswi yo e leng motšhoni.
ka bonako fa batho botlhe ba ba reng o a ba kolota le ditshenyegelo tsa kamogodithoto di sena go duelwa ka botlalo, kgotsa fa motšhoni a neetse tshisinyo ya go duela e e amogetsweng ke bogolo jwa palo e e kana ka boleng jwa kotaratharo ya batho ba a ba kolotang, mme motšhoni a duetse kgotsa a neetse batho ba, se ba ka ikokotlelang ka sona.
ke lwa ntlha motšhoni a amogwa dithoto, gape motšhoni ga a ise a tshwarelwe tshenyo epe.
ke lwa ntlha motšhoni a amogwa dithoto gape motšhoni ga a ise a tshwarelwe tshenyo epe.
go tswa mo letlheng le Molaodi a netefaleditsweng ka tlhaolosetso ya motlhokomedi wa ntlha ka ga thoto fa e le gore motšhoni o setse a kile a amogwa dithoto go feta gangwe fa fela motšhoni a ise a tshwarelwe tshenyo epe.
fa e le gore motšhoni o setse a kile a tshwarelwa tshenyo e e rileng.
fa go fetile dinyaga di le lesome, motšhoni o kaiwa a tšhonologile - kwa ntle ga fa kgotlatshekelo e ka laela ka tsela e nngwe maleba le kopo ya motho yo o nang le kgatlhego ya go dira jalo. Kopo e, e tshwanetse ya dirwa mo nakong ya dinyaga di le lesome.
Ga o a tshwanela go itirela kopo ya go tšhonololwa ka bowena, o tshwanetse go dira jalo ka thuso ya semolao.
Ikgolaganye le mmueledi kgotsa kantoro ya Molaodi go bona tshedimosetso e nngwe gape le thuso.
Sekaseka nako ya go dira kopo le mmueledi wa gago.
Sekaseka ditshenyegelo le mmueledi wa gago.
Ga go na diroromo tse di tladiwang.
<fn>GOV-ZA. Rehabilitationfordisabled.2010-03-25.tn.txt</fn>
Ditirelo tsa Tsosoloso di newa batho ba thetelelobokgoni go ba thusa gore ba fitlhelele le go babalela maemo a bona.
Ditirelo tsa tsosoloso e e kwa godimo ke tsona ditirelo tsa dithibedi tse di bopang boikanyo le maemo a modirelwa.
Tsosoloso ya maemo a magolwane ke tsereganyo ya kwa tshimologong wa ditirelo tse di akaretsang madirelo a tshireletso, tlhokomelo ya motshegare le ditirelo tsa tlhotlheletso, le mo tsentsho ya lotseno le diporojeke tsa go fedisa botlhoki, tlhabololo ya bana ya kwa tshimologong fa ba gola le ditirelo tsa go khutsisa motho mo go se sengwe.
Tsosoloso ya maemo a boraro ke ditirelo tse di batlegang tse di akaretsang dibebofatsi tsa tlhokomelo ya bonno, tlhokomelo ya phatlhoso le ditirelo tsa botsadi ka kgodiso, ga mmogo le ditirelo tsa kago gape le tsa tlhokomelo ya bana morago ga sekolo.
Tsosoloso ya botseneledi le ya botlhalefi ke ditirelo tse di tshwanang le mogakolodi le mokaedi yo o nang le maitemogelo le boikanyego le bokatisi, go newa maatla, pholisi le manane a tlhabololo, le dipatlisiso.
Kopo e ka tsaya dikgwedi di le 3 gore e sekasekiwe. Mo mabakeng a mangwe, batho ba bewa mo lenaneng la kemiso dikgwedi di le 6.
Mo mabakeng a mangwe, 75% ya kabelo ya thetelelobokgoni e tsewa e le karolo ya tlhotlhwa. Ditlhotlhwa tse dingwe di tlhomamisiwa ke sebebofatsi sengwe le sengwe. Dibebofatsi tse dingwe ke tsona di lekanyetsang ditlhotlhwa go ya ka fa balelapa ba ka kgonang go duela ka teng.
Diforomo tsa kopo tse di tshwanetseng go tladiwa di tlhomamisiwa ke borakanelo jwa tsosoloso kgotsa ke borakanelo jwa tlhokomelo jwa boitekanelo jwa maemogodimo.
<fn>GOV-ZA. Rehabilitationofdisabledpersons.2010-03-25.tn.txt</fn>
Ditirelo tsa Tsosoloso di newa batho ba thetelelobokgoni go ba thusa gore ba fitlhelele le go babalela maemo a bona.
Ditirelo tsa tsosoloso e e kwa godimo ke tsona ditirelo tsa dithibedi tse di bopang boikanyo le maemo a modirelwa.
Tsosoloso ya maemo a magolwane ke tsereganyo ya kwa tshimologong wa ditirelo tse di akaretsang madirelo a tshireletso, tlhokomelo ya motshegare le ditirelo tsa tlhotlheletso, le mo tsentsho ya lotseno le diporojeke tsa go fedisa botlhoki, tlhabololo ya bana ya kwa tshimologong fa ba gola le ditirelo tsa go khutsisa motho mo go se sengwe.
Tsosoloso ya maemo a boraro ke ditirelo tse di batlegang tse di akaretsang dibebofatsi tsa tlhokomelo ya bonno, tlhokomelo ya phatlhoso le ditirelo tsa botsadi ka kgodiso, ga mmogo le ditirelo tsa kago gape le tsa tlhokomelo ya bana morago ga sekolo.
Tsosoloso ya botseneledi le ya botlhalefi ke ditirelo tse di tshwanang le mogakolodi le mokaedi yo o nang le maitemogelo le boikanyego le bokatisi, go newa maatla, pholisi le manane a tlhabololo, le dipatlisiso.
Etela borakanelo jwa boitekanelo jwa tlhokomelo jwa maemogodimo jo bo gaufi le fa o nnang teng kgotsa tleleniki go bontshiwa, mme o tla kaelwa go tsosolosiwa kwa bookelong kgotsa go tsosolosiwa ke motseneledi wa maemo a magolwane kgotsa wa maemo a boraro.
Kopo e ka tsaya dikgwedi di le 3 gore e sekasekiwe. Mo mabakeng a mangwe, batho ba bewa mo lenaneng la kemiso dikgwedi di le 6.
Mo mabakeng a mangwe, 75% ya kabelo ya thetelelobokgoni e tsewa e le karolo ya tlhotlhwa. Ditlhotlhwa tse dingwe di tlhomamisiwa ke sebebofatsi sengwe le sengwe. Dibebofatsi tse dingwe ke tsona di lekanyetsang ditlhotlhwa go ya ka fa balelapa ba ka kgonang go duela ka teng. Ditlhotlhwa tsotlhe tse, di a farologana go tloga go porofense nngwe go ya kwa go e nngwe.
Diforomo tsa kopo tse di tshwanetseng go tladiwa di tlhomamisiwa ke borakanelo jwa tsosoloso kgotsa ke borakanelo jwa tlhokomelo jwa boitekanelo jwa maemogodimo.
<fn>GOV-ZA. Relativespermit.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tumelelo ya losika e neelwa moditšhaba yo o leng tokololo e e gaufi ka kamano go moagi kgotsa modudi wa Aforika Borwa. Moagi kgotsa modudi wa mothale o, o tshwanetse go neelana ka bonetefaletsi jwa madi jo bo tlhalositsweng. Tumelelo ya losika e ka diriswa mo pakeng ya dingwaga di le pedi.
Ntsha bosupi ba gore losika lwa gagao ke tokololo e e gaufi ya kamano ka losika wa moagi kgotsa modudi.
Romela bopakii bo bo tswang go ramatlotlo kgotsa bosupi bo bo tlaleletsang ditokomane tse di tiisang mokgwa wa tshegetso le mokgwa wa kopanelo wa kemonokeng.
bisa e e amogelesegang setefikeiti sa pholo go ya ka modirakopo le ditokololo tsotlhe tsa losika tse di go patileng.
setefikeiti sa botsalo se se sa khutswafatswang go supa botsadi fa go tlhokegang.
setefikeiti sa lenyalo bosupi ba kamano ya molekane fa o nyetswe, le kgaogane, le tlhalane kgotsa o le motlhologadi/moswagadi.
bosupi ba botsadi-ka-tsholo.
Go romela setefikeiti sa sepodisi sa kgololo fa o le ka fa tlase ga dingwaga di le 21 kgotsa go feta, go ya ka dinaga tsotlhe tseo o dutseng ngwaga kgotsa go feta, mo dikgweding di le 12 ka bonako fa di le teng.
Dipego tsa pholo le tlhatlhobo ya marapo go ya ka modirakopo ka mongwe. Dipego tsa tlhatlhobo ya marapo e ka se tlhokege go bana ba ka fa ga tlase ga dingwaga di le 12 le bomme ba baimana.
Tirelo e tsaya malatsi a a sa feteng 30.
<fn>GOV-ZA. Renewaloflicence.2010-03-25.tn.txt</fn>
Laesense ya gago ya go kgweetsa ya mofuta wa karata e dira dingwaga di le tlhano go tloga ka letsatsi le e rebotsweng ka lona mme e tshwanetse go ntšhwafadiwa morago ga nako e. Le fa e le gore letlha la go fela ga yona le tlhagelela mo laesenseng ya gago, o tla romelelwa gape le kitsiso ya ntšhwafatso.
O ka ntšhwafatsa laesense ya gago nako nngwe le nngwe fela pele e ka fela. Laesense e ntšhwa e tla dira dingwaga di le tlhano go tloga ka letlha la ntšhwafatso.
O ka ntšhwafatsa laesense ya gago kwa lefelong lengwe le lengwe la teko ya dilaesense tsa go kgweetsa go ralala nana, fela o tla tshwanelwa ke go ya go tsaya karata ya gago kwa go lona lefelo leo la teko.
Tlatsa foromo ya DL1, Kopo ya ntšhwafatso ya laesense ya go kgweetsa kwa kantorong e e gaufi nao ya pharakano.
lekwaloitshupo , ID ya nakwana, laesense ya kgale ya go kgweetsa kgotsa phaseporoto e e dirang ya Aforika Borwa ditshwantsho tse pedi tsa ID tsa bontsho le bosweu madi a kopo.
Ela tlhoko: Ga o kitla o dira teko ya tlhatlhobo ya laesense ya go kgweetsa fela o tla dira teko ya matlho. Fa pono ya gago e koafetse go tloga ka letlha le laesense e rebotsweng ka lona, maemo a mašwa a tla bewa mo laesenseng ya gago.
Laesense ya gago e ntšhwa e tla bo e siame mo dibekeng tse nne go ya go tse thataro.
<fn>GOV-ZA. Renewalofvehiclelicence.2010-03-25.tn.txt</fn>
Dijanaga tsotlhe tse di tsamayang mo ditseleng tsa botlhe di tshwanetse gore dilaesense tsa tsona di ntšhwafadiwe ngwaga le ngwaga. Ke maikarabelo a mong wa sejanaga go netefatsa gore laesense ya sejanaga e ntšhwafaditswe. Go palelwa ke go ntšhwafatsa laesense ya sejanaga go tla tlisa dikotlhao.
Go na le matsatsi a le 21 a kutlwelobotlhoko go beng ba dijanaga ba ba iseng ba ntšhwafatse dilaesense tse di feletsweng ke nako tsa dijanaga tsa bona. Paka ya kutlwelobotlhoko e badiwa go tloga ka letsatsi la go fela ga laesense ya ga jaana. Ntšhwafatso ya dilaesense e tshwanetse go dirwa kwa bothating jwa kwadiso kwa sejanaga se reboletsweng laesense kwa teng.
Tlatsa foromo ya MVL1, Kopo ya laesense ya sejanaga kwa kantorong e e gaufi nao ya pharakano.
Tlaya le lekwaloitshupo la gago le lekwalo la kitsiso.
Duela tlhwatlhwa ya tlhatlhobo ya laesense jaaka e tlhagelela mo kitsisong.
Kopo e e diragadiwa ka lona letsatsi leo.
<fn>GOV-ZA. Renewapproveanimalforcollectionofsemen.2010-03-25.tn.txt</fn>
Motho yo o nang le setefikeiti sa thebolo ya phologolo gore e tle e ntshiwe moroto wa senna, a ka dira kopo go Mokwadise wa Tokafatso ya Diphologolo go ntšhwafatsa ikwadiso ya gagwe.
Bula saete mme o tlatse diforomo tsa kopo o gatisa ka ditlhakakgolo. Diforomo di ka kopiwa go Mokwadise wa Tokafatso ya Diphologolo.
maemo a boitekanelo ka kakaretso go tlhoka malwetse boleng jwa kwa godimo jwa moroto wa senna.
Dikopo di tshwanetse go fitlha kwa go Mokwadise malatsi 30 morago ga letsatsi la bofelo la dikopo. Mo mabakeng a fa kopo e amogelwa mo nakong ya malatsi a le 90 letlha la bofelo la dikopo le fetile, mokopi o tla tshwanela ke go duela madi a tlaleletso go a a beilweng.
Ntšhwafatso ya ikwadiso e ka abiwa mo malatsing a le 30.
Ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. ReneworCancelRegistrationofFertilizers.2010-03-25.tn.txt</fn>
Menontsha yotlhe e e rekwang kwa mafatsheng a kwa ntle mme e tliswa mo Aforika Borwa, le e e dirwang le go rekisiwa mo Aforika Borwa e tshwanetse go kwadisiwa go ya ka Molao wa Ikwadiso wa 36 wa 1947.
motswako wa monontsha o o dirwang ga o a tshwanela go farologana le monontsha o o kwadisitsweng dintlha le mafoko a a kwadilweng mo lebotlolong kgotsa mo thekgwaneng e e tshotseng monontsha ga di a tshwanela go fetolwa kwa ntle ga go fiwa tetla ya go dira jalo ke Mokwadisi melao e e beilweng ka nako ya ikwadiso e tshwanetse go obamelwa ikwadiso ga e a tshwanela go sutisediwa go khamphane kgotsa motho mongwe dilekanyo tsa mabotlolo kgotsa dikgetse tse menontsha e tsenngwang mo go tsona ga di a tshwanela go fetolwa kwa ntle ga go bona tetla mo go Mokwadisi.
Kantoro ya Mokwadisi e romela makwalo ga mmogo le diforomo tsa kopo gangwe ka ngwaga mo bathong botlhe ba ba ikwadisitseng gore ba ntšhwafatse ikwadiso ya bona.
nako ya ntšhwafatso ya ikwadiso ke 1 Diphalane go fitlha ka 30 Sedimonthole.
tlatsa foromo B mo dikhoping di le tharo mme o gatise mafoko ka ditlhakakgolo fela romela setefikeiti sa ikwadiso sa thaego.
o tshwanetse go tlatsa foromo C mme o e romele ga mmogo le foromo A.
Ntšhwafatso e dirwa fa madi a se na go amogelwa.
<fn>GOV-ZA. Renewregistrationofagriculturalremedy.2010-03-25.tn.txt</fn>
Dikalafi tsotlhe tse di rekwang ntle go tliswa mo Aforika Borwa, tse di dirwang mono, di baakanngwa kgotsa di rekisiwa mo Aforika Borwa di tshwanetse go kwadisiwa le Mokwadise go ya ka Molao 36 wa 1947.
Kantoro ya Mokwadise e ntsha makwalo a diforomo tsa kopo le tsa ntšhwafatso ya ikwadiso go di romela batho botlhe ba ba ikwadisitseng.
letlha la bofelo la go amogela diforomo tsa ntšhwafatso ke 30 Seetebosigo.
tlatsa foromo B ka seraro mme o gatise o dirisa ditlhakakgolo fela isa setefikeiti sa tota sa ikwadiso.
tlatsa foromo C gore mokwadise a kgone go baakanya rekoto ya lefelo, aterese le megala ga mmogo le motho yo go tshwanetsweng go ikgolaganya le ena.
Ntšhwafatso e dirwa fa madi a amogelwa.
Kantoro ya Mokwadise e ntsha makwalo a diforomo tsa kopo le tsa ntšhwafatso ya ikwadiso go di romela batho botlhe ba ba ikwadisitseng.
<fn>GOV-ZA. Renewregistrationoffarmfeedorpetfood.2010-03-25.tn.txt</fn>
Dijo tsa diphologolo tsotlhe tse di rekwang kwa mafatsheng a kwa ntle mme e tliswa mo Aforika Borwa, le tse di dirwang le go rekisiwa mo Aforika Borwa di tshwanetse go kwadisiwa go ya ka Molao wa Ikwadiso wa 36 wa 1947.
Kopo ya go ntšhwafatsa ikwadiso e ka rebolwa fela fa go diragaditswe dilo tse di latelang fa go ikwadisiwa kgotsa go ntšhwafadiwa ikwadiso.
motswako wa dijo tsa diphologolo ga o a tshwanela go farologana le o o kwadisitsweng dintlha le mafoko a a kwadilweng mo lebotlolong kgotsa mo thekgwaneng e e tshotseng dijo tsa diphologolo ga e a tshwanela go fetolwa kwa ntle ga go fiwa tetla ya go dira jalo ke Mokwadise melao e e beilweng ka nako ya ikwadiso e tshwanetse go obamelwa ikwadiso ga e a tshwanela go sutisediwa go khamphane kgotsa motho mongwe dilekanyo tsa mabotlolo kgotsa dikgetse tse dijo tsa diphologolo di tsenngwang mo go tsona ga di a tshwanela go fetolwa kwa ntle ga go bona tetla mo go Mokwadise.
Kantoro ya Mokwadise e romela makwalo ga mmogo le diforomo tsa kopo gangwe ka ngwaga mo bathong botlhe ba ba ikwadisitseng gore ba ntšhwafatse ikwadiso ya bona.
nako ya ntšhwafatso ya ikwadiso ke 1 Phukwi go fitlha ka 30 Lwetse.
tlatsa foromo B mo dikhoping di le tharo mme o gatise mafoko ka ditlhakakgolo fela romela setefikeiti sa ikwadiso sa thaego.
o tshwanetse go tlatsa foromo C mme o e romele ga mmogo le foromo A.
Ntšhwafatso e dirwa fa madi a se na go amogelwa.
<fn>GOV-ZA. Repayingsocialgrants.2010-03-25.tn.txt</fn>
Fa o amogela kabelo kgotsa madi a a neng a sa go tshwanela, o tshwanetse go nna le boikarabelo jwa go a duela gape kwa Pusong, kwa ntle le fa Lefapha la Tlhabololo Loago le kgotsofetse gore o ne o sa itse gore ga o a tshwanela go amogela kabelo eo. Fa go ntse jalo, kabelo loago e tshwanetse go emisiwa kgotsa go khansediwa, gore go se ke ga tsewa gore ke tsietso.
Ke bomang ba ba tshwanetseng ke tirelo?
Fa kabelo e sa lopiwa mo dikgweding di le tharo tse di latelanang.
Fa motho a se teng mo Aforika Borwa mo nakong ya dikgwedi di le thataro tse di latelanang.
Fa o lemoga gore o amogela kabelo e e sa go tshwanelang, o tshwanetse go itsise kantoro ya Pabalesego Loago e e gaufi le wena.
Lefapha le tla emisa madi a o a kolotang fa e le gore le kgotsofetse gore o ne o sa itse gore ga o a tshwanela go amogela bokana joo jwa madi.
Go tla tswa mo go Mokaedi wa Botlhe wa Lefapha go ikuela go dithulaganyo tsa semolao kgatlhanong le motho yoo gore a kgone go bona madi ao.
Mokaedi wa Botlhe wa Lefapha a ka nna a dumelela tuelo go tswela pele mo nakong e e rileng ka ntlha ya mabaka a a rileng jaaka e tlhomamisiwa ke motho yoo gore o batla go busa kabelo eo. Kopo e tshwanetse go diriwa mo malatsing a le 90 a kemiso ya kabelo loago.
Fa motho a batla go lebelelwa gape kabelo loago e e emisitsweng, o tshwanetse go tlhomamisa lotseno longwe le longwe ka nako e a dirang kopo gape. Se, e tla nna motheo o Lefapha le tla simololang go tsaya tshwetso fa teng ya go itse gore go tshwanetse go thadisiwa kabelo gape kgotsa nnyaya. Mokopi o tla itsisiwe ka dipholo tsa kopo mo dikgweding di le 3 pele ga letlha la thadiso kgotsa letlha le setifikeite se dirilweng ka lona.
Ditirelo ga di duelelwe.
Diforomo di ka bonwa kwa dikantorong tsa Tlhabololo Loago tse di gaufi le wena.
<fn>GOV-ZA. Replacementoflost.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tirelo e ke ya bakgweetsi ba ba latlhegetsweng ke dilaesense. Go busetsa laesense ya mokgweetsi e e timetseng kgotsa e e senyegileng etela kantoro e e gaufi nao ya pharakano.
Etela kantoro e e gaufi nao ya tsa pharakano.
Tlatsa foromo ya DL1, Kopo ya Laesense ya go Kgweetsa.
lekwaloitshupo kgotsa phaseporoto ditshwantsho tse pedi tsa ID tsa bontsho le bosweu.
Duela madi a kopo.
Teko ya matlho e tla dirwa koo, mme dikgatiso tsa menwana ya gago di tla tsewa.
O ka dira kopo ya laesense ya go kgweetsa ya nakwana. O tla tshwanelwa ke go duela madi a tlaleletso mme o neelane ka setshwantsho se sengwe sa ID sa bontsho le bosweu.
Laesense ya gago ya go kgweetsa e ka siama mo dibekeng tse nne go ya go tse thataro.
Laesense ya go kgweetsa ya nakwana e rebolwa ka yona nako eo.
<fn>GOV-ZA. Reportabuseofelderly.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tirelo e e tlhalosa mokgwa wa go tsaya dikgato le go simolola tsela ya go falosa ka go thibela kgotsa go kganela tshotlako ya batsofe. Go na le mefuta e e farologaeng e batsofe e nnang batswasetlhabelo ba yona.
Tshotlako mo mmeleng: Tiragalo nngwe le nngwe e e tlisang kgobalo kgotsa loso lwa motsofe ka tsela e e bonalang. Sekao, go fapha, go betsa, go kgarametsa, go tshola makgwakgwa, go sega, go dirisa dikgoreletsi tse di bonalang kgotsa tsa dikhemikhale, go naya melemo e e fosagetseng kgotsa go feta tekano, kgotsa tiragalo nngwe fela e e ka tlisang kgobalo, go se iketle mo mmeleng, tiriso e e feteletseng ya melemo kgotsa loso.
Tshotlako ka thobalano: tiragalo nngwe fela e e tlisang go tlontlololwa ga motsofe ka mabaka a thobalano kgotsa go ikgotsofatsa ka maikutlo ao ntle le kitso e e tletseng, tlhaloganyo le tumelo ya bona ka botlalo.
Tshotlako ya tlhaloganyo, maikutlo le ka puo: Tsamaiso ya maitsholo a a nyatsang le go utlwisa botlhoko mo motsofeng, a a tlisang kgobalo mo tlhaloganyong kgotsa mo maikutlong. Sekao, go ikgatholosiwa, go tlogelwa kgotsa kgatelelo, go timiwa lorato le tsiboso ya tlhaloganyo, go bitsa ka maina a sele kgotsa go omanya, ditatofatso le ditsholofelo.
Tshotlako kgotsa go tlontlololwa ka tsa madi kgotsa ikonomi: Tiriso e e seng molaong kgotsa ya boferefere ya madi a thebolelo ya botsofe, thoto, kgotsa madi a motsofe ntle le tumelelo ya gagwe kgotsa tlhaloganyo e e tletseng kgotsa kitso ya ditlamorago, kgotsa ka fa tlase ga kgatelelo.
Go ikgatholosiwa: Go se tlamele kgotsa go ba tima tlhokomelo le ditlhokego tsa botlhokwa tsa boitekanolo mo mmeleng le mo tlhaloganyong. Sekao, go tlhoka dijo, lorato, bonno, diaparo, melemo, tshegetso ya maikutlo, tsiboso le go se itlhokomele.
Kgatako ya ditshwanelo tsa botho : Go kganelwa ditshwanelo tsa botlhokwa jaaka tlotlo, seriti, sephiri sa botho, kgololosego ya kgopolo, tumelo, kakanyo, puo, tlhaloso le motsamao wa batsofe. Sekao, boloi , se se ka tlisang go rewa maina, kgetholoso, go utlwisiwa botlhoko le loso.
Ke mang yo o ka begang tshotlako?
Mongwe le mongwe yo o lemogang go ikgatholosiwa kgotsa go tsholwa makgwakgwa, kgotsa a na le lebaka le le utlwalang la go belaela gore seo se a diragala kgotsa se diragetse.
Bega tshotlako kgotsa tshotlako e e belaelwang kwa go Modirediloago Mogolo kwa kantorong ya Tlhabololo ya Loago kgotsa seteišene se se gaufi nao sa sepodisi.
E seng jalo, o ka bega tshotlako ntle le gore o ikitsise mo kwa HEAL mo go 0800 003 081.
Mo diureng tse 48 morago ga go bega, modirediloago o tla batlisisa tiragalo eo mme a kwale pegelo.
Fa motho yo o itsiseng e le modirediloago yo o ka kgonang go samagana le ntlha e, o tshwanetse go tswelela ka patlisiso mme a neele pegelo e e kwadilweng ka botlalo go kantoro ya Tlhabololo ya Loago mo dibekeng tse 4.
Fa motho yo o itsiseng e se modirediloago, ke maikarabelo a Modirediloaga Mogolo wa kantoro ya Tlhabololo ya Loago go isa ntlha e kwa go maleba mme a solofele pegelo e e kwadilweng mo dibekeng tse 4.
Fa Tshotlako e ama Legae la Batsofe, lefelo, mokgatlo o e seng wa puso kgotsa mokgatlo wa baagi, modirediloago kwa kantorong e e seng ya bogareng o tshwanetse go samagana le bothata jo.
Fa motho yo o sotliwang a sa batle go fudusiwa, o tshwanetse go saena afitafiti e e supang gore o tlhaloseditswe ditlamorago tsa go se fudusiwe ka botlalo.
Fa go se sepe sa tse di fa godimo se se dirang, batlisisa keletso ya motho. Tona ya Tlhabololo ya Loago kgotsa kgotsa Leloko la Khuduthamaga o tshwanetse go tlhopha mongwe go tsereganya.
Tirelo e ga e duelelwe.
Diforomo tsa kopo di ka bonwa kwa kantorong e e gaufi nao ya Tlhabololo ya Loago.
<fn>GOV-ZA. Reportedlivestockdiseaseoutbreak.2010-03-25.tn.txt</fn>
Mongwe le mongwe a ka kgona go iponela tshosobanyo ya pego ya malwetse a leruo a a runtseng mo Aforika Borwa ka go bula websaete ya Lefapha la Temothuo.
Kgwedi nngwe le nngwe, dingaka tsa malwetse a leruo go ralala Aforika Borwa ka bophara ba isa dipego tsa malwetse a leruo kwa Bokaeding jwa Diporofense jwa Tirelo ya Leruo Dipego tse di a sekasekiwa mme morago di romelwa kwa Bokaeding jwa bosetšhaba jwa Boitekanelo jwa diphologolo kwa Pretoria , mo di tsenngwang mo databeiseng. Dipego tse di romelwang kgwedi le kgwedi di dirwa go tswa mo tshedimosetsong e. Dipego tse di romelwa mo nageng ka bophara le kwa dinageng tsa kwa ntle go mekgatlho le ditlamo tse di tlhokang kitso ya mothale o.
Tshedimosetso e ka bonwa mo websaeteng ya Lefapha la Temothuo. Dikopo di lebisiwe go Senior Manager: Animal Health fa o batla go akarediwa mo lenaneng la ba ba amogelang tshedimosetso.
Tshedimosetso e fitlhelwa mo websaete ka dinako tsotlhe.
Tirelo e ga e duelelwe.
Ga go na diforomo tse di tladiwang.
<fn>GOV-ZA. Reportingacrime.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tirelo e, e neelwa motho mongwe le mongwe yo o leng motswasetlhabelo wa bosenyi/molato.
Tirelo ya Sepodisi mo Aforika Borwa e tla bula dokete ya kgetse e le go batlisisa ka bosenyi/molato, mme ba tshware ya mmelaelwa le go tlisa kgetse mo kgotlatshekelong go sekwa.
Fa motho e le motswasetlhabelo wa bosenyi, o tshwanetse go ikgolaganya le sepodisi ka go leletsa mogala mo go 10111 kgotsa a ka ya kwa seteišeneng sa mapodisi se se leng fa gaufi.
Fa motlhankedi wa sepodisi a fitlha mo lefelong le go nang le bosenyi/molato fa teng, o tshwanetse go kwala setatamente/pego go tswa mo go mongongoregi le paki fa go kgonagalang teng.
Motlhankedi wa sepodisi o tla ya kwa seteišeneng sa mapodisi, go kwadisa molato mo Thulaganyong ya Bosenyi/molato mo , mme a neye mongongoregi tshupetso e e bidiwang gore ke nomoro ya CAS.
Fa e le gore mongongoregi o etela seteišene sa mapodisi sa mo gae go ya go bega bosenyi/molato, o tshwanetse go siamisediwa ke motlhankedi wa sepodisi Kwa lefelotshedimosetsong la Ditirelo tsa Sepodisi.
Motlhankedi wa sepodisi o tla simolola pele ka go tshwara ditherisano morago a tseye setatamente go tswa go mongongoregi fa a fetsa o tla kwadisa bosenyi jo ka mo CAS.
Mongongoregi o tla neelwa nomoro ya CAS e ka yona a tla kgonang go dira ditlhotlhomiso ka yona ka dinako tsotlhe maleba le kgetse e e begilweng..
Fa go fetswa ka dokete e, e neelwa letseka mme ena o tla dira dipatlisiso. Ditlhotlhomiso malebana le kgetse eo, di ka lebantshwa letseka le.
Letseka le le tshwaraganeng le kgetse e e rileng, le tla fetsa dipatlisiso tsa lona mme a tlhagise dokete e kwa kgotlatshekelong e e maleba gore molato o, o tle o sekiwe mme o atlholwe.
Letseka le, le tla itsise mongongoregi gore a ka tla kgotlatshekelong leng.
O tla thusiwa ka bonako.
Tirelo e, ga e duelelwe.
Motlhankedi wa lepodisi yo o kwalang setatamente sa gago ke ena yo o tla tlatsang foromo.
<fn>GOV-ZA. Reportingestateofdeceased.2010-03-25.tn.txt</fn>
Boswa jwa motho yo o tlhokafetseng bo bonwa fa motho a sena go tlhokafala mme a tlogela thoto le/kgotsa tokomane e e bidiwang tesetamente kgotsa e e kaiwang jaaka tesetamente. Ka jalo, boswa bo tshwanetse go laolwa le go aroganngwa, go ya ka tesetamente ya moswi, fa moswi a sa tlogela tesetamente, boswa bo tla abiwa go ya ka ditshiamelo tsa molao. Molao wa Tsamaiso ya Boswa wa 1965 , o go kaela tsamaiso e e tshwanetseng go latelwa ya go tsamaisa boswa jwa moswi.
Boswa jwa moswi bo tshwanetse go begwa kwa kantorong ya Molaodimogolo mo malatsing a le 14 go tloga ka letlha le a tlhokafetseng ka lona. Loso lo ka nna lwa begwa ke motho yo o nang le taolo kgotsa a tshwere thoto nngwe e e leng karolo ya boswa jwa moswi kgotsa e e ka kaiwang jaaka boswa.
Loso lo begwa leng kwa go Molaodimogolo?
fa moswi a tlhokafaletse mo Aforka Borwa mme a tlogela thoto e/kgotsa tokomane e e bidiwang tesetamente kgotsa e e kaiwang jaaka tesetamente fa moswi a tlhokafaletse ka kwa ntle ga Aforika Borwa, fela a tlogela thoto mo Aforika Borwa e/kgotsa tokomane e e bidiwang tesetamente kgotsa e e kaiwang jaaka tesetamente.
Boswa jwa moswi bo begwa kae?
Le fa dikantoro tsa magiseterata e le dikarolo tsa go direla tsa Molaodimogolo, boswa jwa moswi bo ka nna jwa begwa koo. Dinkatoro tse, di na le taolo e e lekanyeditsweng mme di tla fetisetsa boswa jotlhe jo bo nang le tesetamente, mmogo le boswa jo bo fetang R50 000 ka boleng kwa dikantorong tsa porofense tsa Molaodimogolo. Fa o eletsa go bega boswa jo bo jalo, go botoka fa o ka dira jalo ka tlhamalalo kwa dikantorong tsa Molaodimogolo.
Fa boleng jwa boswa bo le ka fa tlase ga R50 000, bega boswa joo kwa kantorong ya magiseterata. Fa boleng jwa boswa bo feta R50 000, bega ka tlhamalalo kwa kantorong ya Molaodimogolo.
Fa moswi a ne a nna mo Aforika Borwa ka nako ya loso lwa gagwe, bega boswa jwa gagwe kwa go Molaodimogolo yo o nang le taolo ya lefelo le moswi a neng a nna kwa go lona ka nako ya loso lwa gagwe.
Fa moswi a ne a sa nne mo Aforika Borwa ka nako ya loso lwa gagwe, o ka nna wa bega boswa jwa gagwe kwa go Molaodimogolo mongwe le mongwe.
Bega boswa ka go tlatsa Foromo J294: Death notice le ditokomane tse dingwe tse di maleba tsa go bega boswa, tse di tlhagisitsweng mo lenaneong le le fa tlase.
O ka bona Foromo J294: Death notice le ditokomane tse dingwe tsa go bega kwa kantorong nngwe le nngwe ya Molaodimogolo, wa kgotlatshekelo e kgolo kgotsa kwa kantorong nngwe le nngwe ya magiseterata.
Boleng jwa boswa le mofuta wa tirelo e e kopilweng, di tla laola gore o tlatse le go isa ditokomane dife.
fa e le boswa jwa motho yo o sa dirang tesetamente pele a tlhokafala , kgotsa fa tesetamente e sa tlhopha modiragatsi yo o rileng, kgotsa fa modiragatsi yo o tlhophilweng a tlhokafetse kgotsa a ganne go tlhophiwa foromo J155: Undertaking and acceptance of Master's directions.
setifikeiti sa loso sa tshimologo kgotsa kgatisogape/khopi ya sona e e kannweng setifikeiti sa lenyalo sa tshimologo kgotsa kgatisogape/khopi ya sona e e kannweng - fa go tshwanela ditasetamente tsotlhe le dikoketso tsa ditesetamente tsa tshimologo kgotsa ditokomane tse go ikaeletsweng go dirisiwa jaaka tesetamente - fa di le teng lenaneo la batho ba ba kolotiwang - fa go le maleba maikano a a netefatsang gore boswa ga bo ise bo begwe kwa kantorong ya Molaodimogolo, kgotsa kwa ntlheng nngwe ya tirelo ya Molaodimogolo.
Foromo J192: Affidavit: particulars of next of kin - e tladiwa fa moswi a sa tlogela tesetamente e e amogesegileng. Afitefiti ka leloko la motho yo montsho yo o sa tlogelang tesetamnete e e amogelesegileng, e tshwanetse go tlhalosa gore boswa ga bo ise bo begwe kwa kantorong ya Molaodimogolo, kgotsa kwa ntlheng nngwe ya tirelo ya Molaodimogolo.
e tladiwa ke bajaboswa gore ba kgone go tlhopha Molaodimogolo yo o ba emelang.
fa e le boswa jwa motho yo o sa dirang tesetamente pele a tlhokafala , kgotsa fa tesetamente e sa tlhopha modiragatsi yo o rileng, kgotsa fa modiragatsi yo o tlhophilweng a tlhokafetse kgotsa a ganne go tlhophiwa.
reboletswe go sireletsa tesetamenteng, kgotsake motsadi, molekane kgotsa ngwana wa moswi.
setifikeiti sa loso sa tshimologo kgotsa khopi ya sona e e kannweng ya setifikeiti sa loso setifikeiti sa lenyalo sa tshimologo kgotsa khopi ya sona e e kannweng - fa go tshwanela.
Fa boleng jwa boswa bo feta R125 000, makwalo a bodiragatsi a tshwanetse go ntshiwa mme tsamaiso yotlhe e e kaiwang ke Molao wa Tsamaiso ya Boswa wa 1996 , o tshwanetse go latelwa.
Dikarolo tsa tirelo di na le dithata fa fela moswi a sa tlogela tesetamente e e amogelesegileng mme bolenggotlhe jwa boswa jwa moswi bo le ka fa tlase ga R50 000.
Nako ya tirelo e, e laolwa ke bomarara jwa kgetse.
Ikgolaganye le kantoro ya Molaodimogolo go bona dintlha.
<fn>GOV-ZA. Requestfortaxdeductiondirectivepension.2010-03-25.tn.txt</fn>
Fa batsamaisi ba letlole ba tshwanetse go duela poelo, foromo ya kopo ya taelo e tshwanetse go tlisiwa. Taolo ya lekgetho e rebolwa ke Tirelo ya Aforika Borwa ya Makgetho go laela motsamaisi wa letlole kgotsa mothapi ka tlhwatlhwa ya lekgetho la mothapiwa e e tshwanetseng go gogiwa mo dituelong tse.
Tlatsa le go isa foromo ya kopo kwa SARS.
sefane sa moduelalekgetho ditlhaka tsa ntlha tsa maina a moduelalekgetho letlha la matsalo a moduelalekgetho.
Kopo ya inthanete ya taolo ya lekgetho gantsi e rebolwa mo sebakeng sa diura tse 48.
Tirelo e ga e duelelwe.
Tlatsa le go romela kopo ya gago ka inthanete. Kgotsa, ntsha le go tlatsa foromo ya , Form A & D.
<fn>GOV-ZA. RequesttoattendaParoleBoardhearing.2010-03-25.tn.txt</fn>
Mongongoregi kgotsa motswasetlhabelo wa bosenyi, jaaka a tlhalosiwa ka fa tlase ga Karolo 299A ya Molao wa Tsamaiso ya Bosenyi , a ka romela moemedi kgotsa a tsenela theetso ya Lekgotla la Parola kwa mosenyi a sekasekelwang go ntshiwa ka parola kgotsa go bewa mo tlhokomelong ya kgopololo.
Mongongoregi kgotsa motswasetlhabelo wa bosenyi o tshwanetse go itsise a Lekgotla la Botsamaisi jwa Kgopololo le Parola ka go kwala fa a batla go romela moemedi kgotsa go tsenela theetso ya mosenyi.
Fa kopo e atlegile, Lekgotla le tla itsise mongongoregi kgotsa motswasetlhabelo ka go kwala, le tlhalosa gore o tshwanetse go bona mang tebang le go romela moemedi le gore leng. Letlha le lefelo la kopano ya Lekgotla la Parola di tla tlhalosiwa.
Ke maikarabelo a mongongoregi kgotsa motshwasetlhabelo go itsise Mokhomišenara kgotsa CSPB ka phetogo ya aterese ya gagwe.
Lekgotla la Parola le tla tsiboga ka go kwalela mongongoregi mo matsatsing a le 14.
Tirelo e ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Reregisterinyournewvotingdistrict.2010-03-25.tn.txt</fn>
Batlhophi ba ba ikwadisitseng ba ba tlogileng mo dintlong tse ba neng ba nna mo go tsona, ba tshwanetse go ikwadisa gape mo dikgaolong tse dintšhwa tse ba hudugetseng mo go tsona. Se, se tla go thusa go tlhopha mo kgaolong e ntšhwa e o leng mo go yona. O ka nna wa ikwadisa gape kwa kantorong ya Khomišeneng ya Ditlhopho e e Ikemetseng ya selegae kgotsa ka dinako tsa go tlhopha tsa boikwadiso tsa botlhe jaaka di goelediwa ke IEC.
Ikgolaganye le IEC mo mogaleng o o sa duelelweng mo go 0800 11 8000 mme o ba neele diaterese tsa gago tsa mo o nnang teng.
IEC e tla go romela kwa kantorong e e tshwanetseng ya boikwadiso.
Bontsha lekwalotshupo/pasa e e nang le kgatiso ya barakhoutu kwa kantorong ya boikwadiso.
Tlatsa foromo ya gago ya kopo e e ntshitsweng kwa kantorong ya boikwadiso.
O tla kwadisiwa ka bonako.
Ditirelo ga di duelelwe.
Diforomo di ka bonwa kwa kantorong ya boikwadiso.
<fn>GOV-ZA. Reserveanameforclosecsorporation.2010-03-25.tn.txt</fn>
Kgwebo e e kopetsweng CC ke kgwebo e e bobebe e bile e kgona go obaobega fa e bapisiwa le khamphane. CC e tshwanetse dikgwebo tse dinnye. Ditlhokego tsa tsamaiso le taolo tsa CC ga di marara jaaka tsa khamphane.
Leina le le tshitshingwang la CC le tshwanetse go sekasekwa pele le rebolwa kgotsa le ganwa. Ofisi ya Ikwadiso ya Kgwebo e e kopetsweng e tla tlhomamisa go rebolwa kgotsa go ganwa ga leina ka lekwalo, emeile, poso go go itsise fa leina le amogetswe kgotsa le gannwe.
Leina le le rebotsweng le ka dirisiwa dikgwedi di le pedi.
Isa foromo ya kopo kwa ofising ya CIPRO.
Go tla phuruphutsiwa go netefatsa fa go na le maina a a seng matshwanedi, a a bapisang, a a sa letlelelwang kgotsa a a rumolanang.
Peeletso ya leina e ka tsaya malatsi a le mararo go ya go a le supa.
<fn>GOV-ZA. Restorationofcc.2010-03-25.tn.txt</fn>
Fa kgwebo e e kopetsweng e setse e kwalolotswe, kopo e ka dirwa go e rudisa, fa fela go ka latelwa dithulaganyo tse di tlhokegang.
Maemo a CC sa ntlha a tshwanetse go tlhomamisiwa le CIPRO ka gonne Batirelo ya Lotseno lwa Aforika borwa SARS ba ka bo ba setse ba kwadile kopo ya go kwalolola kgwebo e e kopetsweng e e rileng..
R150 e tshwanetse go tsenngwa kgatlhanong le khouto ya moreki mme e tla gogiwa go tswa mo akhaontong ya moreki morago ga go romela foromo.
Sitlholola foromo ya kopo, CK3.
Romela afidafiti, e e saenilweng e bile e tempilwe ke Mokomisenare wa Dikano, ke motho mongwe le mongwe o tlhagisa mabaka a gore ke goreng o dirile kopo go rudisa CC ya gago.
Fa e le gore kgwebo e e kopetsweng e ne e na le thoto e e tlhomameng, bona lekwalo le le tlhomamisitsweng ke Lefapha la Ditiro tsa Setshaba ga mmogo le Lotseno la Bosetshaba gore ga ba na kemokgatlhanong fa kgwebo e e kopetsweng e rudisiwa.
Boipelaetso bongwe le bongwe, jo bo tla tlhagisiwa. Fa go na le Mokwadise wa Dikhamphane, Mokwadise wa Khamphane o tshwanetse go itsisiwe ka kemokgatlhanong ya mothale mo malatsing a le 30 a kwalololo.
Go rudisiwa ga kgwebo e e kopetsweng go ka tsaya malatsi a le 30 go ya go 40.
<fn>GOV-ZA. Returnforpaymentofprovisionaltaxthirdpayment.2010-03-25.tn.txt</fn>
Fa motho yo o amogelang moputso o o duelwang lekgetho, o o sa tshwananelang go gogwa, SITE kgotsa PAYE moputso wa kgwebo , o tshwanela ke go duela lekgetho la nakwana mo moputsong o. Dituelo tsa lekgetho la nakwana di dirwa mo nakong ya dikgwedi tse thataro. Lekgetho la nakwana le ikaelela go thusa baduelalekgetho go ba kgontsha go duela melato ya bona ya lekgetho mo nakong e e tsweletseng, go na le go duela palo e kgolo gangwe ka ngwaga mo tshekatshekong.
Lekgetho la nakwana le le duetsweng le tla bapiswa le lekgetho la bofelo la moputso le mong a tshwanelang ke go le duela mo ngwageng o o lebaneng wa tshekatsheko.
Lekgetho la nakwana le le duetsweng, le kopantshwa le lekgetho la bofelo le mongwe a tshwanetseng go le duelela ngwaga o o tshwanetseng wa tlhatlhobo.
Fa o le motho yo o tshwanelang ke go tuelo ya lekgetho la nakwana o tshwanela ke go dira kopo ya boikwadiso kwa go Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho mo malatsing a le 30 a o tlamegang ka ona. Dira kopo ka go kwalela boikwadiso kwa lekaleng la kantoro ya legae ya Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho Go retelelwa ke go dira se, go tla tlhola morokotso le dikwatlhao tse di dumelelwang tsa go nna thari le koketso ya lekgetho mo go tsenyeng dipoelo thari.
Tuelo ya lekgetho la nakwana ya boraro e bidiwa gape "tlaleletso" kgotsa "koketso fa godimo" ba tuelo ya nakwana. Fa tuelo eo e duetswe, e tshwanelwa ke go duelwa, e seng morago ga letlha le le beilweng.
Fa ngwaga wa tshekatsheko o felela ka di 28 kgotsa 29 tsa Tlhakole, dikgwedi di le supa morago ga foo.
Fa ngwaga o o felelang wa ditšhelete o rebotswe ka letlha kwa ntle ga 28 kgotsa 29 Tlhakole, dikgwedi di le supa morago ga foo.
Tuelo ya boraro ke tuelo ya boithaopo e mongwe le mongwe wa moduelalekgetho la nakwana a ka e dirang . Baduelalekgetho ba ba bonang moputso o o duelelwang lekgetho wa go feta R50 000 le lekgetho la R20 000 kgotsa go feta, bai ka dira tuelo ya go ithaopa go tila morokotso o ka tsenyeletswang mo molatong mo tuelong e e kwa tlase ya tshekotsheko ya lekgetho.
Maikaelelo a tuelo e ke go kgontsha moduelalekgetho go duela tuelo e e tlhaelang magareng ga lekgetho la mothapi le lekgetho la nakwana e e setseng e duetswe ya ngwaga le ngwaga le palogare ya molato wa lekgetho mo ngwageng wa tshekatsheko.
Paka ya boraro e e emela palogare ya palogaregotlhe ya lekgetho le le duelelwang la ngwaga otlhe, e e kwa tlase.
Tuelo e e duetsweng lwa ntlha le la bobedi la dipaka tsa lekgetho la nakwana.
Ka ntlha ya gore tshupo e akaretsa mme ga sa tsholwa dintlha tse di amanang le le le moduelalekgetho yo o rileng, go botlhokwa thata gore baduelalekgetho ba tsenye dintlha tsa akhaonto tse di nepagetseng mo tshupong e. Fa dintlha tse di nepagetseng di sa tsenngwa, tuelo e ka se tsenngwe, tuelo e ka se tlaleletswe go moduelalekgetho yo o nepagetseng.
e e bontshang ngwaga wa tshekatsheko.
Dituelo tsa lekgetho la lobakanyana di ka dirwa kwa kantorong ya lekala lengwe le lengwe la SARS, Mosupologo go fitlha Labotlhano, magareng ga 08h00 le 15h30, ntle le ka matsatsi a boikhutso a botlhe.
Fa dituelo di dirwa ka poso, ka banka kgotsa ATM, go tshwanetse ga elwa tlhoko nako e e lekaneng ya go posa kgotsa go diragatsa tuelo.
Badirisi ba ba duelang kwa lekaleng la ABSA, FNB, kgotsa Nedbank ba ka se tlhole ba tlhoka go neelana ka nomoro ya akhaonto le khoutu ya banka fa ba duela. Go fela jalo le ka badirisi ba banka ya inthanete ya ABSA, FNB, Nedbank, le Standard Bank.
ID / nomoro ya akhaonto ya mmoelwa e e golaganngwang le mofuta o o rileng wa lekgetho go dira dituelo.
Dintlha tse di tlhagelela mo setlankaneng sa tuelo mo poelong ya IRP 6.
Dituelo tse di sa nyalaneleng le nomoro ya referense le ID ya mmoelwa tse di kailweng fa godimo ga di kitla di amogelwa.
Fa letsatsi la bofelo la tuelo le wela mo letsatsing la boikhutso la botlhe kgotsa mafelo a beke, tuelo e tshwanetse go dirwa mo letsatsing la bofelo pele ga letsatsi la boikhutso la botlhe kgotsa mafelo a beke.
Paka ya boraro ya tuelo e tshwanela ke go ikaega tota mo lekgethong la moputso, jaaaka maikaelelo a tuelo e le go kgontsha go duela tlhaelo ya magareng ga lekgetho la mothapiwa le kopane le lekgetho la nakwana le le setseng le duetswe mo ngwageng le molato otlhe mo ngwageng wa lekgetho.
Leba kaedi ya IRP12 fa o tlhoka thuso mo go tlatseng lenane la gago la IRP6.
Ga go nako e e beilweng ya tirelong e.
Tirelo e ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Returnofgeneralinformation.2010-03-25.tn.txt</fn>
Go busiwa ga tshedimosetsokakaretso e dumelela bathapi go neela Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho ka dintlha ka ga bathapiwa ba bona bao ba neng ba sa gogelwe lekgetho jaaka go tshwanetse ka Molao wa Lekgetho wa 1962.
Karolo A: tiro le ditirelo tse di busiwang.
Mo mabakeng a go fitlhelwang selekanyo sa moputso wa ngwaga wa mothapiwa se lekana le R2000 kgotsa se le ka fa tlase mme lekgetho la mothapiwa le ne le sa gogiwe, IT3 kgotsa lenane, go ya ka go latelana ga dialefabete, le le tlhalosang tshedimosetso ka botlalo, le tshwanetse go neelwa mongwe le mongwe.
Fa moputso otlhe wa mothapiwa kgotsa o o lekaneng le wa ngwaga o lekana le wa bonnye ba R2000 mme o sa fete serepodi sa lekgetho. e tshwanetse go neelwa.
Fa palokgotlhe ya moputso e sena lekgetho le le gogilweng.
Tuelo nngwe le nngwe e e duetsweng motho yo o neelaneng ka ditirelo kgotsa tse di sa yang go neelwa go tswa mo lekgethong le le sa gogiwang.
Tuelo e e duetsweng ya ditirelo tse di neetsweng ke batho mo go direng tiro ya bona ya semmuso, Sekao. dingaka, boramolao, diafokate, bommalamatlotlo, le moruni.
Moputso ofe kapa ofe kgotsa o o sa tlhagisiwang mo setefikeiteng sa IRP5.
Moputso kgotsa se se lekanang le ona ka ngwaga se sa fete R2000 mo ngwageng wa lekgetho.
merokotso ya dikadimo le peelo ya ntlo morokotso mo matloleng a a beeleditsweng ke wena morokotso mo tshupamolatong morokotso mo tshupamatlotlong e e bolokelang karolelo mo diabong khiro e e duetsweng ke wena jaaka mohiri kgotsa e e tserweng ke wena jaaka moemedi dikatso kgotsa tuelo e e duetsweng go dirisa patente, popo, letshwaokgwebo kgotsa tetlokgatiso kgotsa go neelana ka kitso e e tsamaisanang le tiriso ya patente mo Aforika Borwa.
tlhaloso ya yuniti kgotsa sediriswa sa letlole palo ya diyuniti kgotsa didiriswa tse di sekegilweng boima jo bo lekanyetswang boleng mo tshekogong ditswamoputsong tse di sekegilweng madi a a fitlhelwang mo moputsong morago ga ditefelo a bonwe kgotsa a latlhegile go ya ka tshekego.
Ditswatemong tsotlhe, makgong, leruo, tshipi, diminerala, le matlapana a mabonwa a a fitlhetsweng ke wena ka theko, kananyo kgotsa thefosanyo.
Ditswatemong tsotlhe, lekgong, leruo, tshipi, diminerale le matlapana a a rekisitsweng ke wena jaaka moemedi wa moumusi.
Dikatso tse di duetsweng ditokololo tsa dikhampani tsa matsema kgotsa mekgatlho.
Ga go duelwe sepe.
<fn>GOV-ZA. Returnofincomeforinvestment.2010-03-25.tn.txt</fn>
morokotso le dikarolelo go tswa Teraseteng ya Dithoto di amogetswe kgotsa di tswa dikarolelo tse dingwe tsa selegae di amogetswe kgotsa di tswa dirente tse di duetsweng gotlhe jaaka mohiri kgotsa e e amogetsweng ke moemedi boemong jwa mong wa dithoto e e tlhalositsweng madi a a duetsweng ditshwanelo tsa go dirisa thoto dikatso kgotsa tuelo e e duetsweng go dirisa patente, popo, letshwaokgwebo le tetlakgatiso.
Ela tlhoko: Lenane le ke karolo ya IT3: lenane la tsehedimosetsokakaretso.
Romela lenane kwa kantorong ya selegae ya SARS.
Ga go nako e e tsepameng.
Ga go duelwe sepe.
<fn>GOV-ZA.SAcitizensarrestedabroad.2010-03-25.tn.txt</fn>
Ka fa tlase ga Tumelano ya Vienna ka ga Dikamano tsa Boditšhaba - maemo a a amogelegang ka kakaretso a dinaga tsotlhe, batho ba ba tshwerweng kwa ntle ga naga ya bona ba tshwanetse go kgona go fitlhelela kemedi ya bona ya boditšhaba. Maaforika Borwa a a leng mo maemong a a tshwanetse go kopa bothati go ba letla go ikgolaganya le Kemedi ya Aforika Borwa mo nageng eo. E seng jalo, mongwe a ka ikgolaganya le Kemedi ya Aforika Borwa mo nageng eo kgotsa karolo ya Ditirelo tsa Boditšhaba kwa Lefapheng la Merero ya Boditšhaba kwa Pretoria, mo boemong jwa bona.
Batlhankedi ba Boditšhaba ba tshwanetse go netefatsa gore baagi ba Aforika Borwa ba ba tshwerweng kwa dinageng disele ba tshotswe setho fa ba ntse ba tswaletswe. Mo ntlheng, dintlha tse di jaaka tshotlako, tsholo e e seng ya setho kgotsa e e digang seriti kgotsa kotlhao di tla begwa mme tsa isiwa kwa bothating jwa selegae. Melao ya Maemo a a kwa Tlase a Ditšhabakopano a Tsholo ya Batshwarwa e tshwanetse go dirisiwa jaaka kaedi.
Ke ditirelo dife tse Batlhankedi ba Boditšhaba ba tlamelang Maaforika Borwa a a tshwerweng kwa ntle ka tsona?
ikgolaganya le motshwarwa ka bonako jo bo kgonegang morago ga go netefatsa gore ke moagi wa Aforika Borwa. Se se kgontsha Moaforika Borwa yo o tshwerwe kgotsa golegilweng ka fa tlase ga molao wa naga e sele go tlhaloganya ditshwanelo tsa gagwe le ditirelo tse di tlamelwang ke Puso ya Aforika Borwa. Go ikaegilwe ka maemo a a rileng, go ka ikgolaganngwa nae ka sebele, ka lekwalo, ka mogala kgotsa ka batsereganyi ba ba maleba.
tlamela ka tshedimosetso ka kakaretso ka ga tsamaiso ya semolao ya naga e e mo tshwereng. Tshedimosetso e ka akaretsa; dintlha ka ga thuso ya semolao le botšhotšhisi, lenaneo la babueledi , pusetso-morago, ditsela tsa beili kgotsa boikuelo gore batshwarwa ba tlhaloganye ditshwanetse tsa bona le ditsamaiso tse di amegang.
tsweletsa kgolagano le baagi ba Aforika Borwa ba ba tshwerweng kwa dinageng disele ka go ikobela melao le melawana ya naga e e tshwereng.
etela kwa dikgolegelong. Seelo sa go etela dikgolegelo se ikaegile ka pholisi ya ga jaana, lefelo, setso le melao ya naga e e tshwereng, ga mmogo le maemo a tshireletso mo nageng eo le kgolegelo.
golagana le lelapa kgotsa ditsala - fela fa ba kopilwe ke motshwarwa ka go kwala. Ga go kgolagano e e tla dirwang, kgotsa tshedimosetso e e tla neelwang ope ntle le tumelelo ka go kwala ya moagi wa Aforika Borwa yo o tshwerweng kgotsa yo o mo kgolegelong.
tsamaisa phetisetso ya matlole go tswa go ba lelapa le ditsala mo Aforika Borwa go ya go motshwarwa - go ikobelwa molao le melawana ya Puso ya Aforika Borwa le naga e e tshwereng. Melawana ya dithata e e dirang ya gore madi go tswa mo Aforika Borwa ya didiriswa tsa go tlhapa, dijo le dilwana tse dingwe ga a tshwanela go feta R2 000 ka kgwedi. Tlhwatlhwa ga e kitla e fetisediwa kwa kgweding e e latelang. Ikgolaganye le Karolo ya Ditirelo tsa Boditšhaba go bona thuso.
netefatsa gore mathata a melemo a itsisiwe bothati jwa kgolegelo.
tsamaisa thomelo le kamogelo ya makwalo, melemo le didiriswa tsa go ithuta go tswa go losika le ditsala mo Aforika Borwa. Tirelo e dirwa go ya ka ditlhwatlhwa tse di dirang tsa Lefapha la Merero ya Boditšhaba le melao le melawana ya naga e e tshwereng. Ditlhwatlhwa di ka fetolwa gangwe le gape.
Lefapha la Merero ya Boditšhaba le Kemedi ya Aforika Borwa kwa dinageng disele di dira maiteko otlhe gore madi, makwalo, didiriswa tsa go ithuta le melemo di fetisiwe ntle le tiego. Le fa go le jalo, tse di tlang pele go Embasi, Ntlokemedi, kgotsa Kantoro ya Merero ya Boditšhaba ke tsona di dirwang pele. Maemo a selegae mo nageng eo le ona a na le seabe.
go simolola kgotsa tsenelela mo tsamaisong ya kgotlatshekelo kgotsa ya semolao go bona kgotsa go neela kgakololo ya semolao go rulaganya kgololo go tswa kgolegelong kgotsa beili go etela mafelo a a kotsi kgotsa dikgotlatshekelo go batlisisa bosenyi bona tsholo e e botoka mo kgolegelong go gaisa e e newang baagi ba selegae - ntle le fa melao ditšhabakopano ya maemo a a kwa tlase a tshwaro ya batshwarwa a sa dirisiwe go laela ba losika kgotsa ditsala go romela madi go duelela disuga tsa semolao, melemo le tse dingwe go bona marobalo, tiro, divisa kgotsa ditetla tsa bonno dira tiro e e dirwang ke batlhankedi ba tsa maeto, ditirelo tsa phofo, dibanka, kgotsa ditlamo tsa khiriso go thusa baagi ba dinaga tse pedi mo nageng ka naga e nngwe ya bona duelela dithulaganyo, sepalangwa, go fisiwa ga ga baswi, diphitlho go busediwa ga masaledi a moagi wa Aforika Borwa yo o tlhokafetseng.
Fa o tshwerwe kwa ntle ga naga, ikgolaganye le Kemedi ya Aforika Borwa e e gaufi kgotsa Botsamaisi jo bo kwa Godimo jwa Ditirelo tsa Boditšhaba kwa Lefapheng la Merero ya Boditšhaba kwa Pretoria.
Baagi ba dinaga tse pedi ba ba tshwerweng kwa nageng ya boagi jwa bona ga ba kitla ba bona thuso go tswa go Kemedi ya Aforika Borwa. Fa baagi ba dinaga tse pedi ba tshwerwe kwa nageng e nngwe, e ba seng baagi ba yona, ba tshwanetse go ikgolaganya le kemedi ya boditšhaba e ba dirisitseng paseporoto ya yona go etela koo.
Ditumelano tsa Go se Fetisiwe ga Batshwarwa tse di leng teng magareng ga Aforika Borwa le dinaga tse dingwe.
Maemo a tirelo a ikaegile ka dikgetse ka bongwe ka bongwe le maemo a naga e e tshwereng.
Lefapha la Merero ya Boditšhaba le baya tlhwatlhwa fa go tlhokegang, go ikaegilwe ka tirelo e e rebolwang.
Kemedi ya Aforika Borwa e tla tlamela mogolegwa ka diforomo tsa kopo tse di maleba.
<fn>GOV-ZA. ServiceCharterSetwana.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tšhata ya Tirelo ya Batswasetlhabelo ba Bosenyi mo Aforika Borwa (Tšhata ya Batswasetlhabelo) ke sediriswa se se botlhokwa mo tsweletsong ya bosiamisi mo bathong botlhe. Tšhata ya Batswasetlhabelo e dumalana le moono wa Molaotheo wa Aforika Borwa, 1996, Molao 108 wa 1996, le Tlhomamiso ya Ditšhaba tse di Kopaneng ya Ditheo tsa Botlhokwa tsa Bosiamisi jwa Batswasetlhabelo ba Bosenyi le Tirisobotlhaswa ya Dithata, 1985 (GA/RES/40/34).
Fa e sale go tloga ka 1994, le ka kamano le paakanyo ya mokgwa wa ditshwanelo tsa botho, tsepamo e sutisiwa go tswa mo thulaganyong ya bosiamisi jwa kgatelelo le ipusolosetso go ya bosiamising jwa paakanyo. Se se botlhokwa thata mo mogopolong wa bosiamisi jwa paakanyo ke kamogelo ya bosenyi jaaka tlolomolao kgatlhanong le puso, fela le jaaka kgobatso kgotsa go siamololela motho yo mongwe.
Se, se dumalana le ponelopele ya Togamaano ya Bosetšhaba ya Thibelo ya Bosenyi e e lebileng thata go motswasetlhabelo tabeng le thulaganyo ya tshiamiso ya bosenyi. Maikaelelo-magolo ke go maatlafatsa motswasetlhabelo ka go fitlhelela ditlhokego tsa motswasetlhabelo, e ka tswa e le tse di ka tshwarwang/ bonwang kgotsa tsa maikutlo.
Tšhata ya Batswasetlhabelo le tokomane e patagants-weng ya maemo ke didirisiwa tse botlhokwa tse di tlhalosang le go kitlanya ditshwanelo le ditlamego tse di amanang le ditirelo tsa batswasetlhabelo le bafalodi ba bosenyi mo Aforika Borwa. Tšhata ya Batswasetlhabelo e dumalana le dikaelo tsa karolo 234 tsa Molaotheo.
yone -go dira gore bosiamisi bo tswele botlhe mosola!
ditshwanelo tsa Batswasetlhabelo, ka tumalano le maikarabelo a boditšhabatšhaba ka fa tlase ga didiriswa tsa boditšhabatšhaba tsa ditshwanelo tsa botho jaaka Kgoeletso ya UN ya Ditheo tsa Bosiamisi jwa Batswasetlhabelo ba Bosenyi le Tirisobotlhaswa ya Maatla (1985) le Thibelo le Phediso ya Dikgoka Kgatlhanong le Basadi le Bana mo Mametlelelong ya 1997 ya SADC ya Kgoeletso ya Bong le Tlhabololo.
direla motswasetlhabelo tshiamelo ya boikuelo fa maemo a sa kgotsofadiwe.
Tshwanelo ya go tlhokomelwa sentle le ka tlotlo ya seriti sa gago le bowena.
ke maloko a tirelo nngwe le nngwe.
Sepodisi, ka motlha wa dipatlisiso, batšhotšhisi le batlhankedi ba kgotlatshekelo fa go baakanyetswa le ka motsi wa tsheko, le badiredi botlhe ba tshwanetse go tsaya dikgato go fokotsa kgoreletsego nngwe le nngwe mo go wena jaaka motswasetlhabelo ka, gareng ga tse dingwe, go buisana le wena ka puo ya gago mo sephiring fa go tlhokega.
Dikgato tse di tla sireletsa motswasetlhabelo mo tlhoko fatsong ya sebedi.
O na le tshwanelo ya go neelana ka tshedimosetso ka motsi wa patlisiso le tsheko.
Sepodisi, motšhotšhisi le motlhankedi wa tirelo ya kgopololo ba tla tsaya dikgato go netefatsa gore tshwaelo nngwe le nngwe e o batlang go e tlhagisa mo patlisisong, katlholo le theetso ya parola e reeditswe le go tlhokomelwa fa go tsewa tshwetso go tswela pele ka patlisiso, katlholo kgotsa theetso ya Lekgotla (Boto ya) la Parola.
Tshwanelo e e raya gore o ka nna le seabe (fa go tlhokega le fa go kgonagalang) mo ditheetsong tsa bosenyi, ka go nna teng mo theetsong ya kopo ya beile, tsheko, dithulaganyo tsa katlholo le/kgotsa theetso ya lekgotla la parola.
Go raya gore o na le tšhono ya go ka neela lepodisi bopaki jo bongwe fa o lemoga gore bopaki ba gago ba ntlha ga bo a lekana; o ka nna gape wa neela kwa kgotlatshekelo go tlhagisa kutlwalo ya bosenyi mo kgotla-tshekelo.
Godimo ga moo o ka lebisa kopo e e kwadilweng go Monnasetulo wa Lekgotla la Parola go nna teng mo theetsong ya parola, mme wa tlhagisa tshwaelo e e kwadilweng.
O na le tshwanelo ya go bona tshedimosetso le go itsisiwe ka ga ditshwanelo tsa gago le ditirelo tsotlhe tse di leng teng tse di maleba tse o ka di neelwang ke batlamedi ba ditirelo.
O tshwanetse go bolelewa ka ga seabe sa gago mo kgetseng le tekanyetso ya sebaka se kgetse e tla se tsayang. O ka nna wa kopa tshedimosetso ka ga malatsi a theetso, madi a bopaki le lenane la tshireletso ya bopaki.
O ka nne wa kopa go itsisiwe ka ga maemo a kgetse, go re a na morumolani yoo o tshwerwe, o atlhotswe, o neilwe beile, o latofaditswe, o atlhotswe, mme fa go le maleba , gore a na o tlhatlhetswe.
Ga se tshwanelo fela ya go itse ditshwanelo tsa gago, mme le gore o di dirise jang.
Gape, jaaka tshwanelo ya go bona tshedimosetso, go kopa ditlhaloso ka ga sengwe le sengwe se o sa se tlhaloganyeng ka puo ya gago.
O ka nne wa kopa mabaka go itse ka ga tshwetso e e tserweng ka ga kgetse ya gago, go atlhola kgotsa go se atlhole.
Gape o na le tshwanelo ya go bona dikwalo tse molao o go letlang go di bona.
O ka nne wa kopa kitsiso ya ditheetso tse o ka di tsenelang. O ka nne gape wa kopa motšhotšhisi go itsise mothapi wa gago ka ga ditheetso dingwe le dingwe, tse di ka dirang gore o se nne teng kwa tirong.
Tshwanelo ya go bona tshireletso.
O na le tshwanelo ya go se tshosediwe, go tlhakisiwa, letshogo, go tshwenngwa, pipamolomo, bobodu le tiriso e e botlhaswa.
Fa o le paki o tshwanetse go begela sepodisi kgotsa motšhotšhisi-mogolo wa puso ka ga ditshoso tsa go nna jalo.
Fa o siamela ke ditlhokego dingwe, sepodisi se tla dira kopo ya gore o nne mo lenaneng la tshireletso ya paki.
Fa o sa ntsane o le fao o tla sirelediwa ka fa go kgonagalang ka teng kgatlhanong le mefuta yotlhe ya kgarakgatso le matshetsi.
kgotsa go ikgegela morago mo go neeleng bopaki ka ntlha ya tlhotlheletso e e sa siamang.
o mang kgotsa e ka laela gore tsheko e tshwarelwe mo sephiring . O ka kopa Ditirelo tsa Kgopololo go go itsise fa motshwenyi a tshabile kgotsa a sutiseditswe felo gongwe.
O na le tshwanelo ya go kopa thuso, o nne le phitlhelelo (fa go tlhokega/fa go le maleba) ya ditirelo tsa leago, boitekanelo le kgakololo, ga mmogo le thuso ya semolao go tsibogela ditlhokego tsa gago.
Sepodisi se tla go thusa ka go go tlhalosetsa ditsamaiso tsa sepodisi; ba go bolelele ka ga ditshwanelo tsa gago le go go romela kwa batlameding ba bangwe ba thuso.
Motsamaisi wa ofisi kgotsa tlhogo ya ofisi kwa kgotlatshekelo o tla dira gore go nne le moranoledi.
Batšhotšhisi ba tla netefatsa gore go nna le dithulaganyo tse di kgethe-gileng mabapi le melato ya thobalano, tiriso-dikgoka ka fa lapeng le tlamelo/ kotlo ya bana le gore dikgetse di reediwa mo dikgotlatshekelo tse di kgethegileng fa di le teng.
Batlamedi botlhe ba ditirelo tebang le ditiro tsa bone tse di farologaneng ba na le maikarabelo a go tsaya dikgato tse di siameng go tlhokomela batlhokofadiwa ba ba nang le ditlhokego tse di kgethegileng, mme ba ba tshole ka mokgwa o o masisi.
O na le tshwanelo ya go bona phimolakeledi ya tatlhegelo kgotsa tshenyegelo ke thoto ka ntlha ya bosenyi jo bo dirilweng kgatlhanong le wena.
Ka letsatsi la katlholelo ya molatofadiwa o ka nne wa kopa motšhotšhisi go dira kopo kwa kgotlatshekelo ya phimolakeledi go latela Karolo 297 le 300 ya Molao wa Thulaganyo ya Bosenyi No. 51 wa 1977.
latofaditsweng ka ntlha ya go dira molato.
Motšhotšhisi o tla go itsise ka ga taelo ya phimolakeledi, fela tlelereke ya kgotlatshekelo e tla rwala maikarabelo a tiragatso ya yona, le gore o ka nna wa tlhatlhela kgetse ya selegae kgatlhanong le molatofadiwa fa kgotlatshekelo ya bosenyi e sa neelane ka taelo ya phimolakeledi le fa ditshenyegelo di sa balege bonolo ka mareo a madi jaaka mo ntlheng ya ditshenyegelo tsa tlhaloganyo kgotsa setlhabi le tshotlego.
o e amogilweng se ka fa molaong. "Pusetso" e reya fa kgotlatshekelo, morago ga katlholo, e laela morumulani go go busetsa thoto e a bonweng molato ka ntlha ya go go amogaya yona e se ka fa molaong go go busetsa kwa maemong a o neng o le mo go ona pele ga tlolomolao.
Motšhotšhisi o tla go itsise gore puse tso e akaretsa eng, mme tlelereke ya kgotlatshekelo e tla go thusa go diragatsa tshwanelo e.
Tsweetswee leba lokwalo lwa Maemo a Bonnye a Ditirelo tsa Batswasetlhabelo ba Bosenyi, lo lo ka bonwang go tswa kwa mafapheng a Mmuso, fa o ka tlhoka tshedimosetso e e feletseng te-bang le ditshwanelo tse di farologaneng.
o ka ikgolaganya le lefapha la puso le le maleba kgotsa motlamedi wa tirelo fa o na le dingongorego mabapi le tirelo e o e bonang kgotsa fa ditshwanelo tsa gago di sa tlotliwe.
Borwa, kgotsa i Mmueledi yo o itlhophetseng ena ka ditshenyegelo tsa gago.
Go bona tshedimosetso e e tletseng ka dithulaganyo tsa dingongorego, tsweetswee leba lokwalo lwa Maemo a Bonnye a Ditirelo tsa Batswasetlhabelo ba Bosenyi. Lokwalo lo, lo ka bonwa kwa ofising nngwe le nngwe ya mmuso.
Mogala: (012) 315 1670 Fekese: (012) 315 1960 Emeile: VictimCharter@justice.gov.
Tsweetswee tlhokomela gore tiriso ya nomoro ya mahala e sa ntsane e tla netefadiwa.
Ditshwanelo tsa Tšhata ya Batswasetlhabelo ya Aforika-Borwa e tlhamilwe ke Bokaedi jwa Bong mo Lefapheng la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo, ka tirisano le Mafapha a Tlhabololo ya Logao, Ditirelo tsa Bosiamisi, Thuto, le Boitekanelo gammogo le Bothati jwa Botšhotšhisi jwa Bosetšhaba, Ditirelo tsa Sepodisi sa Aforika Borwa, Khomišene ya Tlhabololo ya Molao wa Aforika Borwa, Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa, Ofisi ya Mosireletsi wa Setšhaba, Bokaedi jo bo Ikemetseng jwa Dingongorego, maloko a Bomagiseterata le Dikhomišene tsa Ditirelo tsa Bosiamisi le maloko a Sepodisi sa Tshwane Metro.
Tšhata ya Ditshwanelo tsa Batswasetlhabelo mo Aforika-Borwa.
<fn>GOV-ZA. SetupLearnership.2010-03-25.tn.txt</fn>
Baneelakatiso ba tshwanetse go tsaya tshweetso ka mokgwa wa katiso o ba ka neelanang ka ona. Ba tshwanetse go neelwa makwalotshupo ke Bothati ba Bodirelo jwa Thuto le Katiso pele ba ka simolola ka katiso. Baneelakatiso le bathapi ba bopa semophato go simolola dithutokatiso.
Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, e ya go Lefapha la Ditiro.
Dikgato tse di tshwanetseng go latelwa.
Bannelakatiso ba tshwanetse go tsaya tshweetso ka manaanekatiso a ba ka neelanang ka ona.
Fa baneelakatiso ba tlhophile thutokatiso , ba tshwanela ke go bona bathapi ba ba ka neelang barutwana maitemogelo a mo tirong.
Palo ya barutwana ba ba tla fiwang katiso.
Le gore ba tla bona jang barutwana.
Barutwana e ka nna badiri ba ba setseng ba thapilwe ke mothapi kgotsa batho ba ba sa direng. Ikgolaganye le lefelo la tshedimoseto ya ditiro le le fa gaufi go tlhotlhomisa gore Lefapha la Ditiro le thusa jang barutwana ba ba sa direng.
Bathapi, baneelakatiso le barutwana ba tshwanetse go saena tumalano ya thutokatiso.
Baneelakatiso ba tshwanetse go simolola katiso ka letlha le go dumalaneng ka lona mo tumalanong ya thotukatiso.
Ga go duelwe sepe.
<fn>GOV-ZA. Socialrelief.2010-03-25.tn.txt</fn>
Kopo ya Loago ya go kokobatsa makgwafo mo tlalelong ke tshiamelo ya thuso ya nakwana e e ikaeletseng go thusa batho ba ba batlang thuso ya mofuta oo ka ntlha ya fa ba sa kgone go neela ba balelapa la bona ditlhokego tsa ka metlha.
Ke mang yo o tshwanetseng go dira kopo ya loago ya go kokobatsa makgwafo mo tlalelong?
O ka kgona go dira kopo ya loago ya go kokobatsa makgwafo mo tlalelong mo mmusong fa e le gore o mo tsielegong.
Fa o sa falole teko ya go amogele madi a letlole la bana, mme o mo maemong a a tlhobaetsang a go batla madi o sa kgone go dira ka ntlha ya go se itekanele mo mmeleng - se se kaya gore o a lwala mo sebakeng sa go feta dikgwedi di le thataro o sa kgone go amogela tuelo ya tlamelo ya madi a a amogelwang ke ngwana go tswa mo motsading wa ngwana kgotsa mo motsading mongwe wa bana motlamelalelapa o tlhokafetse motlamelalelapa o rometswe kwa kgolegelong sebaka sa nako e nnye kgotsa o amilwe ke kotsi, fela mo lefelong kgotsa mo setšhabeng se wena o nnang mo go sona se ise se tlhalosiwe gore ke lefelo la kotsi.
Jaanong wena o tla amogela eng?
Kopo ya gago ya Loago ya Kokobatso makgwafo mo Tlalelong e ka nna ka mokgwa wa go newa sephuthelwana sa dijo kgotsa ditlankana tsa sesupo sa madi go ya go reka dijo. Diporofensi dingwe di naya thuso ya mofuta o ka go fa batho madi mo seatleng. Thuso ya Loago ya go kokobatsa makgwafo mo tlalelong e newa mo nakong e khutshwane fela - gantsi e ka nna go fitlhela dikgwedi di le tharo, mme ka nako nngwe dikgwedi di le thataro.
Dira kopo ya Loago ya go kokobatsa makgwafo mo nakong ya tlalelo mo kantorong ya Loago ya go kokobatsa makgwafo ka nako ya tlalelo.
Fa o se na lokwaloboitshupo/pasa le disetifikeite tsa bana ba gago tsa matsalo, o tshwanetse go dira afidafiti kwa seteišeneng sa mapodisi se se leng mo motseng wa gaeno, Motlhankedimogolo, mokanseliri kgotsa moruti e ka nna paki e e tletseng.
O na le kalafo ya thetelelo-bokgoni jwa nakwana.
Kopo ya gago e tla sekasekwa ka bonako.
Fa kopo ya gago e se na go neelwa/tliswa, e tla sekasekwa go bona bonnete le go tlhoka pelaelo ya gore ka tota o tlhoka tirelo e.
Le fa o se na ditokomane tsotlhe, o tla kgona go amogela sephuthelwana sa gago sa dijo sa ntlha mo kgweding, setlankana sa sesupo sa madi kgotsa madi mo seatleng kwa ntle ga go nna le ditokomane tseo.
Gakologelwa go tsaya ditokomane tsotlhe fa o ya kwa go motlhankeding pele nako ya tuelo ya bobedi ya kgwedi e fitlha. Fa o sa dire jalo, o ka nna wa se ka wa amogela sephuthelwana sa dijo sa kgwedi ya bobedi le ya boraro, setlankana sa sesupo sa madi kgotsa madi mo seatleng.
Fa dilo di sa fetoge mo botshelong jwa gago, morago ga fa o se na go amogela madi a letlole a ngwana/bana mo dikgweding di le tharo, o ka nna wa kopa gore o okeletswe madi a letlole a ngwana/bana nako ya dikgwedi di le tharo gape.
Ditirelo ga di duelelwe.
Tsweetswee ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.
<fn>GOV-ZA. Specialclassification.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tlhaolo e e kgethegileng ya diroro e rebolelwa mefuta e e rileng ya dirori tse di dirang tiro e e rileng tse di sa tsamaeng ka gale mo ditseleng tsa botlhe.
Selei kgotsa terekere ga di akarediwe mo ditlhwatlheng tsa dilaesense fa mong wa tsona e le molemi mme serori seo se dirisediwa fela ditiragalo tsa gagwe tsa temo. Go fela jalo le fa serori se fetotswe kgotsa se agilwe sešwa go dirisediwa mabaka a mabelo le/kgotsa dipontsho fela.
Tlatsa foromo ya kopo ya EFL 1kwa kantorong e e gaufi nao ya pharakano.
lekwaloitshupo setifikeiti sa kwadiso ya serori lekwalo la thata go tswa go Biro ya Maemo ya Aforika Borwa setifikeiti sa go siamela tsela sa serori se se amegang.
Kwadiso ya go tlhaolwa kgotsa go se akarediwe e ka tsaya dibeke tse thataro.
<fn>GOV-ZA. Specialregistrationasaprofessionalscientist.2010-03-25.tn.txt</fn>
Khansele ya Aforika Borwa ya Diporofešene tsa Saense ya Tlhago e lemoga ntlha ya gore go batho bangwe ba ba se kileng ba nna le tšhono ya go bona dithuto tse di kwa godimo tse di tlhokwang ke Khansele go ka kwadisiwa seporofešenale. Le fa go le jalo, batho bao ba ka bo ba nnile le seabe se segolo mo lekaleng la tsa saense mo dingwageng di le dintsi mme ba ka tswelela go dira jalo le mo dingwageng tse di tlang.
Khansele e sweditse go tlamela batho ba ba jalo ka tšhono ya go dira kopo ya go kwadisiwa jaaka Borasaense ba tsa Tlhago ba Porofešenale ka fa tlase ga mabaka a a rileng.
Mongwe le mongwe yo o senang dithutego tse di amogelwang ke Khansele a ka dira kopo.
tlotliwa ke bakaulengwe ba bona ka boitseanape jwa bona mo lekaleng le le tlhophilweng ba nnile le seabe se segolo mo lekaleng la tsa saense ba na le bonnye maitemogelo a dingwaga di le lesome tse di sa kgaodiwang, a le maleba e bile e le a porofešenale pele ga go dira kopo mo lekaleng la tiro le kopo e dirwang mo go lona.
Ela tlhoko: Fa o ne o tlogetse porofešene ya gagwe mo pakeng ya dingwaga tse lesome, o ka se letlwe go kwadisiwa ka fa tlase ga paka.
Tshekatsheko ya dikopo e tla dirwa kwa Komiti-Kgakololo ya Porofešene e e maleba, tumelelo ka Komiti ya Kwadiso ya SACNASP le tetla ka Khansele e e tletseng.
Tlatsa foromo ya kopo ya kwadiso.
bopaki jwa katiso ya semmuso le e e seng ya semmuso - dikhopi tse di kannweng tsa ditifikeiti tsa digerata kgotsa dipoloma, go akaretsa rekoto ya dirutwa ya dithutego tse rekoto ka botlalo e e maleba ya maitemogelo a porofešenale mo lekaleng la tiro le kopo e dirwang mo go lona lenaneo la dikgatiso bopaki jwa botokololo jwa mekgatlo ya dirutegi, sk. ; Setheo sa Dikhemikhale sa Aforika Borwa ; Mokgatlo wa Thutalefatshe wa Aforika Borwa.
Bonnye dipegelo tse tharo tse di feletseng tse o di rulagantseng kgotsa o nnile le seabe se segolo mo go tsona. Fa e le gore ga o kgone go romela dipegelo tse ka ntlha ya sephiri, seabe sa gago se tshwanetse go kgona go netefadiwa.
Afitafiti e e tlhalosang gore ke tiro ya gago le go tlhalosa seabe sa gago mo dipegelong tse o di rometseng.
Diafitafiti ka batho ba babedi ba ba ka netefatsang bokgoni le boitseanape jwa gago mo lekaleng la tiro la gago.
Kwadiso e ka tsaya dibeke tse 6 go ya go 8 go ka gore a ditlankana tse di tlhokegang di rometswe.
Setlhopha sa bonnye batho ba le babedi ba ba tlhophilweng ke Komiti-Kgakololo ya Porofešene e e maleba ya SACNASP se tla go botsolotsa.
Ditlamorago tsa tshekatsheko di tla itsiwe fela morago ga kopano ya Khansele.
Go banka ka mokgwa wa ileketeroniki kgotsa diphetisetso ka tlhamalalo: Tsweetswee dirisa ditlhaka tsa ntlha le sefane go supa tuelo ya gago mo setatamenteng sa rona sa banka mme o romele bopaki jwa tuelo mmogo le tsebe ya ntlha ya foromo ya gago ya kopo go 841 1057 ka fekese.
<fn>GOV-ZA. Subsistenceandasmallscalefishingexemption.2010-03-25.tn.txt</fn>
Go thaya ditlhapi go itshedisa go dira kwa baaging ba kwa mabopong ba ba dirisang ditshedi tsa mawatle go ja, le fa ba ka di rekisa le go ananya ka tsona mo mafelong a selegae. Ga jaana, bathei ba ditlhapi go itshedisa ba laolwa ka ditokologo go fitlha ka nako e go tla nnang le pholisi. Gore motho a kgone go fitlhelela ditshedi tsa lewatle jaaka mothaya ditlhapi yo o itshedisang o tshwanetse go dira kopo ya tokologo mme e rebolwe go ka dira ka/kotula ditlhapi kgotsa go nna le seabe mo tiragalong ya go thaya ditlhapi go itshedisa le ka seelo se sennye.
Go dirisa tshwanelo ya gago ya go thaya ditlhapi, dira kopo ya tokologo e e rebolwang ke Tona ya Merero ya Tikologo le Bojanala kgotsa yo o neetsweng thata eo ka fa tlase ga karolo 81 ya Molao wa Ditshedi tsa Lewatle , 1998 . Gore o rebolelwa tokologo e, o tshwanetse go dira kopo ka dikomiti tse di tlhomilweng tsa Selegae tsa Botsamaisi mme o tshwanetse go fitlhelela ditlhoko tse di beilweng. Ka molao ga go ope yo o tshwanetse go nna le seabe mo ditiragalong tsa go thaya ditlhapi go itshedisa le ka seelo se sennye a se na tetla.
Tokologo e ntšhwafadiwa ngwaga le ngwaga mme go retelelwa ke go inyalanya le dipeelano go ka tlisa gore a beelwe thoko nakwana, go phimolwa kgotsa tshwanelo e ka phimolwa.
Dira kopo ka dikomiti tse di tlhomilweng tsa Selegae tsa Botsamaisi fa ditokologo tse di feletswe ke nako kwa bokhutlong jwa ngwaga mongwe le mongwe.
Ba ba simolola go tsena ba tshwanetse go fitlhelela ditlhoko tsa go itshedisa le seelo se sennye pele ba ka rebolelwa tokologo.
Modirakopo o tshwanetse go tlhalosa lekala kgotsa lefelo le ba ratang go tsena mo go lona.
Maemo a batshola-tokologo ba ga jaana a a netefadiwa pele ba ka neelwa tokologo ya ngwaga o o latelang, fa ba sa fitlhelele ditlhoko tse di beilweng ba ntshiwa mo lenaneong.
Batlhankedi ba lefapha ba epa pitso go rebola ditokologo tsa bathei ba ditlhapi ba ba kwadisitsweng.
Pele ba rebola ditokologo tse, badiri ba lefapha ba tlhalosa dipeelano tsa tokologo le tekanyetso ya kgetse.
Batshola-tokologo botlhe ba solofelwa go saena mo lenaneong go supa gore ba amogetse ditokologo tsa bona.
Tiragalo ya kopo e ka tsaya kgwedi e le 1 kgotsa go feta go lebilwe palo ya badirakopo.
Ditokologo di rebolwa ntle le tuelo.
Ga go diforomo tse tladiwang.
<fn>GOV-ZA.TVlicence.2010-03-25.tn.txt</fn>
Laesense ya thelebišene e neela motho thata ya go reka thelebišene le go e lebelela.
Fa o reka TV la ntlha, o duela tuelo ya ngwaga yotlhe e leng R225. Tlhotlhwa ya go reka laesense ke R65 ka ngwaga.
Mongwe le mongwe yo o dingwaga di le 70 kgotsa go feta mme a sa nne le baikaegi ba ba nang le letseno kampo ba badirang.
Mongwe le mongwe yo o amogelang madi a mphiwa fela - batsofe, batho ba ba nang le thetelelobokgoni kgotsa batlhabani ba mo dintweng tsa maloba - go tswa Lefapheng la Katlaatlego Loago.
Mekgatlho e tlhoka laesense e le nngwe go emela TV e le nngwe. Ntlo nngwe le nngwe e tlhoka laesense e le nngwe fela go emela di TV tsotlhe di le teng mo ntlong.
Morekisi o tshwanetse go neela bareki ba ba senang dilaesense tshedimosetso malebana le ntlha ya gore ba ka se reke TV kwa ntle ga go tlhagisa bosupi ba gore ba le na le laesense. Bareki ba dira dikopo tsa go nna le laesense ya TV kwa Poso Kantorong e gaufi kgotsa go kopa morekisi go mo neela laesense ya TV.
Laesense e ntšhwafadiwa ngwaga ka ngwaga.
Dira kopo ya go nna le laesense ya TV kwa Poso Kantorong e e gaufi kgotsa kwa go morekisi yo o nang le thata ya go ntsha laesense ya TV.
E ka tsaya diura di le mmalwa.
R65 go ba ba newang tetla ya go dirisa laesense ya TV.
<fn>GOV-ZA. Taxdirectiveretirementannuityrequest.2010-03-25.tn.txt</fn>
Kopo e tshwanetse go romelwa fa motho a fitlhile dingwaga tsa go rolatiro mme a eletsa go dirisa ditshiamelo tsa kokoanyetso e e leng mo pholising ya tholotiro.
Kopo e, e ka diriwa gape fa leloko le eletsa go isa dipoelo tsa gagwe ka fa tlase ga letlole pholisi ya tholotiro e le nngwe.
sefane sa moduelalekgetho ditlhakaina tsa moduelalekgetho letlha la botsalo jwa moduelalekgetho nomoro ya bukana ya boitshupo/pasa ya moduelalekgetho kgotsa nomoro nngwe e e tlhophilweng mofuta wa kaelo ya kopo mabaka a go dira kopo ya kaelo aterese ya bonno le khoutu ya poso ya moduelalekgetho aterese ya poso le khoutu ya poso ya setheo kgotsa mothapi moputso wa ngwaga wa moduelalekgetho.
Fa nomoro ya tshupetso ya lekgetho e ise e neelwe, neela mabaka a go se ikwadise.
Mokgwa o o bonolo wa go dira kopo ya kaelo ya lekgetho ke go o dira ka eFiling. Kopo ya gago ya kaelo ya lekgetho ka tirelo e, ka gale e rebolwa mo diureng di le 48.
Kopo ya go dira kaela ya lekgetho e dirwa ka eFiling mme ka gale e rebolwa mo diureng di le 48.
Tirelo ga e duelelwe.
<fn>GOV-ZA. TermsAndConditions.2010-03-25.tn.txt</fn>
Motho yo mongwe le yo mongwe yo o fitlhelelang webosaete e o tshwanetse go obamela, le go dumelelana le, ditumelelano le boemo jo bo beilweng mo kitsisong e ya semolao. Fa e le gore modirisi ga a dumelelane le ditumelelano le boemo jo, modirisi ga a kitla a nna le phitlhelelo, go bontsha, go dirisa, kgotsa go tsaya tshedimosetso go tswa mo khomphutareng le/kgotsa go dira dikhopi kgotsa go phatlhalatsa diteng tse di bonwang mo webosaeteng e.
Badirisi ba ka nna ba thadisa, ba dira dikhopi, ba tsaya tshedimosetso go tswa mo khomphutareng ya teraebeng ya selegae, go gatisa le go phatlhalatsa diteng tsa webosaete, kgotsa karolo nngwe le nngwe ya mabaka a tshedimosetso kgotsa kaelo fela le go nna ka mabaka a e seng a kgwebo.
Badirisi ba ba ikaelelang go dirisa diteng go tswa mo webosaeteng ka maikaelelo a kgwebo ba ka nna ba dira jalo ka tumelelo e e kwadilweng ya letlapele e e ka bonwang mo Motsamaising wa Webo mo mogaleng o +27 12314 2140 kgotsa mo emeileng ya eleketeroniki @gcis.gov.za. Kumo nngwe le nngwe le/kgotsa khopi ya diteng kgotsa ya karolo e e rileng ya maikaelelo a tsa kgwebo e tshwanetse go akaretsa kitsiso ya tetlokhopi jaaka e feleletse: © GCIS2004: DITSHWANELO TSOTLHE DI BEELEDITSWE.
Ditshwanelo tsotlhe tsa ngwao le tsa Tlhaeletsano/neeletsano ya Puso le Dithulaganyo tsa Tshedimosetso kgotsa dilo dingwe le dingwe tse di tshelang mo molaong go sa kgathalesege gore ke diteng dife tse di leng teng mo webosaeteng tse abelwang le go beelwa kwa thoko.
Diteng tsotlhe, data le matshwaokgwebo, go akarediwa, le fa e se mo go lekanyeditsweng, manane mo khomphutareng, thekenoloji, didatabeise, go itse gore go diriwa jang, diteng, dikerafo, diikhone, go ditshwaragano tse di feteletseng, tshedimosetso ya poraebete, meakanyetso, lenane, kgatiso, kumo, tirego, kgotsa kakanyo e e tlhalositsweng mo webosaeteng e ka nna ya bo e tsamaisana le ditshwanelo tse dingwe, go akarediwa le ditshwanelo tsa phatlho/thoto e e batlang tiriso ya tlhaloganyo, ditshwanelo tse e leng phatlho/thoto ya kgotsa e e neilweng lekwalotetla ke GCIS, kgotsa dilo tse di tshelelang mo molaong, tse e leng gore di sirelediwa mo kgatakong ke molawana wa Aforika Borwa le dikgolagano tsa boditšhabatšhaba ga mmogo le ditumelano. Go ya ka tsamaiso ya ditshwanelo tse di tshwanetseng modirisi, ditshwanelo tsotlhe tsa diphatlho/dithoto tse go dirisiwang tlhaloganyo mo go tsona mo webosaeteng e, di tlhagisiwa ka mokgwa wa peeletso le ka go nna le phitlhelelo ya data mo webosaeteng e modirisi a se nang lekwalotetla kgotsa go se nang tsamaiso.
Tshedimosetso e e leng teng mo webosaeteng e, e ikaelela go naya tshedimosetso ya kakaretso mabapi le sengwe se se rileng kgotsa dingwe tse di rileng, mme ga se tiro e e tseneletseng ka ga dithuto tse di rileng ka ga sengwe kgotsa dilo dingwe.
Ke boikarabelo jwa modirisi go ikgotsofatsa pele a ka bona phitlhelelo ya webosaete e gore webosaete e fitlhelela ditlhokego tsa motho mongwe le mongwe gape e ka dirisiwa mmogo le sediriso sa mekhanikhale se se dirisiwang go tsamaisa tiro e e rileng le/kgotsa manane mo khomphutareng. Tshedimosetso, dikakanyo le megopolo tse di tlhagisiwa mo webosaeteng e ga di a tshwanela go tsewa jaaka kgakololo ya boithutelo kgotsa mogopolo wa bokantoro wa GCIS kgotsa wa sengwe se se tshelang sa semolao go ya ka fa tshedimosetso, dikakanyo le megopolo di tlhagisiwang ka teng mo webosaeteng e. Badirisi ba tlhotlhelediwa go ikopanya le ba dikgakololo tsa borutegi pele ba ka tsaya setlhodi sa tiro e e rileng e e amanang le tshedimosetso, dikakanyo le megopolo e e tlhagisiwang mo webosaeteng e.
GCIS ga e dire boemedi kgotsa dithebolo, tse di tlhagisiwang kgotsa ka mokgwa o mongwe, gore magareng ga tse dingwe, diteng le thekenoloji tse di ka bonwang mo webosaeteng e di gololosegile mo diphosong kgotsa mo go tlogelweng kgotsa tirelo e ka nna 100% e sa tsenwetsenwe ke sepe fa gare le go se nne le diphoso kgotsa go fitlhelela melawana e e rileng ya tiro kgotsa ya nonofo. Webosaete e, e neilwe fela "jaaka e ntse". GCIS ga e dire kopotuelo ya dithebolo tsotlhe, go akarediwa, kwa ntle ga ditekanyetso, dithebolo tsa bogwebi, tsa leina, boitekanelo jwa maikaelelo a a rileng, go se nne le dikgatako, go ka dirisiwa mmogo le, pabalesego, le nepo le go se dire ditlhagiso tsa boemedi kgotsa dithebolo malebana le diteng tsa webosaete le gore webosaete e tlhomilwe kgotsa e neilwe go fitlhelela ditlhokego tsa modirisi mongwe le mongwe. Badirisi ba tlhotlhelediwa go bega phoso nngwe le nngwe, go se dire ka tshwanelo kgotsa materiale o o befelang fa go dirisiwa tshwaraganelo ya tshedimosetso ka ga se se neng se diriwa/ditsibogelo.
Tiriso ya diteng tsa webosaete e, e ka nna kotsi mo modirising wa yona. Modirisi o tshwanetse go nna le boikarabelo jo bo tletseng le kotsi ya go latlhegelwa mo go ka nnang kotsi mo modirising wa webosaete e. GCIS kgotsa sengwe le sengwe se se tshelelang mo molaong go sa kgathalesege gore ke tshedimosetso efe e e leng teng mo saeteng, kgotsa bathapiwa ba GCIS kgotsa ba se se tshelelang mo molaong, ba ka se ka ba nna le molato mo ntlheng nngwe le nngwe e e kgethegileng, e e sa tlhamalalang, mo tiragalong, pheletsong, kgotsa ditshenyegelo tse di amegang kgotsa ditshenyegelo dingwe le dingwe tse di jalo, gore ke tse di dirilweng ka tiragalo ya konteraka, tiragalo e e dirilweng go ya ka molawana, jaaka phoso ya mo gae , kgotsa go sa nneng jalo, go amanngwa le tiriso ya tokomane e kgotsa tshedimosetso. Fa e le gore nngwe ya tse di neilweng ga e patelesege ka botlalo ka mabaka a a rileng, tse di setseng di tla nna di dirisiwa. Go ya ka dikarolwana tsa 43 le 43 tsa Ditlhaeletsano/Dineeletsano tsa Eleketeroniki le Molao wa Tirisano wa 25 wa 2002, GCIS e ka se bonwe molato mo ditshenyegelong dingwe le dingwe, tatlhegelong, kgotsa mo melatong ya mofuta mongwe le mongwe o o ka tlhagelelang mo tirisong ya webosaete e kgotsa mo go retelelweng ga yona.kgotsa ga ditirelo kgotsa ga diteng tse di newang go tswa go kgotsa ka webosaete e.
Ditshwaraganelo dingwe mo go sengwe se se thusang mo webosaeteng, se laetsa kwa metsweding e e tshwerweng ke batho ba boraro ba GCIS e se nang taolo ya bona. GCIS ga e dire boemedi bope kgotsa dithebolo malebana le nepo, kgotsa ntlha e e amanang le metswedi eo.
Ditshiamelo tsa Karolo ya 2 ya Kgaolo ya III ya Tlhaeletsano/Neeletsano ya Eleketeroniki le Molao wa Tirisano wa 25 wa 2002 ke fa o tlogetsweng teng go dirisiwa mo tlhaeletsanong/neeletsanong le melaetsa ya data e modirisi a e romelang kwa go GCIS ka tiriso ya webosaete e. Tlhaeletsano/neeletsano nngwe le nngwe kgotsa melaetsa ya data e modirisi a e romelang kwa go GCIS e tla tsewa jaaka e kete e amogetswe ke GCIS morago ga gore go bonwe temoso ka lekwalo. Fa modirisi a sa amogele tsibogelo mo nakong e e amogelesegang, modirisi o tshwanetse go e sala morago le GCIS. GCIS ga e a tshwanela go bonwa molato mo go retelelweng go romela tsibogelo kwa modirising.
Fa e le gore modirisi o batla tshedimosetso e nngwe gape go tswa mo go GCIS mabapi le ditirelo tsa yona kgotsa diteng tsa webosaete e, ditshwaraganelo tsa tshedimosetso e e bonweng mo go se se neng se diriwa e ka nna ya dirisiwa.
GCIS e na le lefelo le le tlwaelegileng la boemo jwa tsa kgwebo tsa thekenoloji le pabalesego ya tiragalo ya go sireletsa tshedimosetso yotlhe e e neelwang ke badirisi ba ba latlhegetsweng, ba ba sa diriseng sentle, diphetogo kgotsa ditshenyegelo. Dikgato tsotlhe tse di tlwaelegileng di tla tsewa go babalela tshedimosetso ya modirisi. Bathapiwa ba ba leng mo molaong, ba ba nang le boikarabelo jwa tlamelo ya data e e bontshang maikutlo e e neilweng, ba tshwanetse go nna le botshepegi mabapi e data eo. Pholisi e e dirisiwang mo bathapiweng botlhe ba GCIS kgotsa mekgatlho yotlhe ya setšhaba e ka amogela tshedimosetso eo go tswa go GCIS. Go tshwanetse gore go thibelwe motho mongwe, kgwebo, kgotsa sengwe se se tshelelang mo molaong go oketsa kgotsa go leka go oketsa phitlhelelo e e seng mo molaong mo tsebeng nngwe le nngwe ya webosaete e, kgotsa go neela kgotsa go leka go neela khoutu e e seng mo molaong, e e senyegileng kgotsa khoutu ya ka bomo mo webosaeteng e. Fa motho a neela kgotsa a leka go neelana ka khoutu e e seng mo molaong, e e senyegileng, kgotsa ya ka bomo mo webosaeteng e kgotsa a leka go nna le phitlhelelo e e seng mo molaong mo tsebeng nngwe le nngwe ya webosaete e, a ka nna a bonwa molato wa tshenyo kgatlhanong le motho yoo, mme fa GCIS kgotsa mokgatlho mongwe wa setšhaba o ka bona tshenyo nngwe kgotsa tatlhegelo, go tla kopiwa ditshenyegelo tsa mo.
Re amogela diwebosaete tsa batho ba boraro go tshwaragana le tshedimosetso e e leng teng mo ditsebeng tsa Go thibelwa motho mongwe le mongwe, kgwebo, selo sengwe se se tshelelang mo molaong kgotsa webosaete go sekeletsa tsebe nngwe le nngwe mo webosaeteng e, go akarediwa tsebe ya selegae, ka tsela efe kgotsa efe kwa ntle ga pele ga thebolo e e kwadilweng ya GCIS.
GCIS e ka neelana ka ditshwaraganyo mo diwebosaeteng dingwe fela jaaka tshiamelo le kakaretso ya tshwaraganyo nngwe le nngwe e e sa ameng kano ya GCIS mo diwebosaeteng tseo. Diwebosaete kgotsa ditsebe tse di tshwaraganeng ga se tse di tshwanetseng go laolwa ke GCIS. GCIS ga e na boikarabelo kgotsa molato, ka tlhamalalo kgotsa ka go se nne ka tlhamalalo, ka mokgwa wa diteng, tiriso, kgotsa go se kgone go dirisa kgotsa go fitlhelela tshwaraganyo nngwe le nngwe ya webosaete kgotsa e e leng teng mo ditshwaraganyong tsa diwebosaete.
Setlankana sa poraebete se tlhagisiwa mo go GCIS ga mmogo le selo se se supang go tshela molao, se se laolang, se netefatsa kgotsa se se dirisang tshedimosetso e e ka bong e tshwerwe go tswa mo saeteng e.
Modirisi a ka nna a etela webosaete e kwa ntle ga go neelana ka tshedimosetso nngwe le nngwe ya gagwe. Modirisi, le fa go ntse jalo, o amogela go dirisa data e e ntseng jalo ka tirisano ya setlankana seo sa poraebete. Tsweetswee, elatlhoko gore saete e, e ka nna le tshwaraganyo le disaete tse dingwe tse di sa laolweng ke setlankana se sa poraebete.
Fa e le gore modirisi o na le dipotso kgotsa o amegile mabapi le setlankana sa poraebete kgotsa ka boporaebete jwa gagwe fa a ntse a dirisa Webosaete e, a ka nna a dirisa tshwaraganelo ya Tshedimosetso mabapi le se se neng sa tsibogelwa.
GCIS e ka nna ya dirisa difaele tse dinnye tsa diteng tse di bewang mo boraoseng ya modirisi kgotsa mo ditshwantshong tsa eleketeroniki tse di dumelelang webosaete e go bala badirisi ba ba nang le phitlhelelo mo tsebeng e e rileng le go fitlhelela difaele tse dinnye tsa diteng tse di beilweng mo boraoseng ya modirisi go netefatsa gore webosaete e tlamelwa ka tshwanelo le go nolofatsa tlhabololo ya webosaete. GCIS kgotsa bathelesi ba ditirelo ke bona ba ba tshwanetseng go dirisa difaele tseo tse dinnye tsa diteng tse di beilweng mo boraoseng ya modirisi go batla data e e fa magareng. GCIS e ka dirisa ditogamaano tsa go nna jalo ka nako nngwe le nngwe go batla tshedimosetso mo dithulaganyong tsa yona le go tlhaola ditlhopha tsa badirisi ba dikarolo tse di tshwanang le aterese ya IP, kgaolo, mofuta wa boraose le ditsebe tse di etetsweng. Tshedimosetso e begelwa motsamaisi wa webosaete yo o tla dirisang tshedimosetso e go sekaseka palo ya badirisi kwa mafelong a a farologaneng a webosaete go netefatsa gore saete e e dirisiwa jaaka motswedi wa tshedimosetso wa nepagalo le o o nonofileng.
Ga se difaele tse dinnye tsa diteng tse di beilweng mo boraoseng ya modirisi kgotsa dibikhone tsa webo tse di tsayang tshedimosetso ya motho go tshwana le maina a modirisi kgotsa aterese ya emeile. Modirisi a ka nna a gana difaele tse dinnye tsa diteng tse di beilweng mo boraoseng ya gagwe jaaka balebeledi ba le bantsi ba ba dumelelang motho mongwe le mongwe go gana difaele tseo tsa diteng tse di beilweng mo boraoseng ya modirisi.
Tshedimosetso ya motho e dirisiwa fela ka mabaka a a lekanyeditsweng, sekao, fa modirisi a ikwadisa mo webosaeteng go kopa ditlhaeletsano/dineeletsano mo nakong e e tlang ka mafelo a a itumedisang a GICS. GICS e ka dirisa tshedimosetso e modirisi a e tshotseng go itirela thalotlhakore ya gagwe go e tlwaetsa tsibogelo eo ya yona mo dikopong tse dingwe kgotsa dipatlisisong le go tlhabolola webosaete. Fa modirisi a tlhopha go ikwadisa ka go dirisa mogala mo tiragalong e e diriwang ke GCIS, GCIS e tla dirisa tshedimosetso e modirisi a e tlisitseng go mo tsibogela. Go oketsa mo go se, motsamaisi wa webo, a ka nna a, fa go tlhokagalang teng, dirisa tshedimosetso ya modirisi wa webosaete mo ditirisong tse di farologaneng tse di tsamaelanang tsa saete. GCIS e tla netefatsa gore ditiro tsotlhe tsa papatso di obamela molao o o mo tirisong le gore di a dirisiwa ga mmogo le manane go bona tumelelo e e tshwanetseng pele go romelwa emeile ya modirisi e e nang le tshedimosetso ka ga ditirelo tsa GCIS. Modirisi a ka nna a kopa GCIS nako nngwe le nngwe go sa tlhole e romela dimateriale tsa go nna jalo kwa go ena ka go dirisa tshedimosetso e e bonweng mabapi le se se neng se dirisiwa/ditsibogelo kgotsa tshwaragano e e sa duelelwang.
Le fa e le gore GCIS e ka neelana ka tshedimosetso ya badirisi go batlamedi ba ditirelo gore e ba tshware, tshedimosetso eo boemong jwa yona, e ka se ka ya refosana ka tshedimosetso e batho ba boraro kgotsa mongwe le mongwe fela mo setšhabeng a nang le maikaelelomagolo ka yona kgotsa a a sa amaneng le bona, kwa ntle ga fela go senotswe mo nakong ya go tseiwa ga tshedimosetso eo mo lefelong leo.
Tshedimosetso ya motho e ka sutisediwa kwa boditšhabatšhabeng ke GCIS kgotsa kwa bathong ba boraro ka maikaelelo a a tlhalositsweng fa godimo. Se, se ka se ka sa akaretsa tshutiso kwa dinageng kwa ntle ga melao ya tshireletso ya data e e tshwanang le e e leng teng mo nageng ya bonno ya modirisi. Ka go neelana ka tshedimosetso go GCIS ka tiriso ya webosaete e, ke modirisi yo o neelanang ka tumelelo eo ya ditshutiso.
Mo go tshwanetseng teng, tshedimosetso ya motho e ka senolwa ka ntlha ya kgatelelo ya molao, mo molawaneng kgotsa mo badiraboemong bangwe ba Puso, kgotsa mo bathong ba boraro fa go tlhokagalang teng kgotsa mo go batlegang teng go obamela melawana ya semolao kgotsa e e patelesegang kgotsa dikopo kgotsa ka maikaelelo a a tlhaotsweng fa godimo.
Fa e le gore tshedimosetso ya motho e setse e tlisitswe mo webosaeteng e, badirisi ba ba batlang go thadisa tshedimosetso ya bona ba ka nna ba dira jalo ka go kopa thadiso e e ntseng jalo ka mokgwa wa tshwaragano wa tshedimosetso e e bonweng fa go ne go diriwa sengwe. Fa go ntse jalo, badirisi ba ka kgona go fitlhelela dithalotlhakore tsa bona, go di siamisa le go tlhabolola diaterese le megala ya bona kgotsa go se duelele mokgatlho ope ka nako nngwe le nngwe. Badirisi ba ba nang le mathata go fitlhelela dithalotlhakore tsa bona kgotsa ba batla go kopa khopi ya tshedimosetso ya bona, ba ka nna ba ikgolaganya le motsamaisi wa webosaete ka go dirisa tshwaraganelo ya tshedimosetso ka ga se se neng se diriwa/ditsibogelwa. Mo mabakeng otlhe, GCIS e tla tlhokomela dikopo tsa phitlhelelo ya tshedimosetso kgotsa go fetola tshedimosetso go ya ka ditlhokego tsa semolao tse di dirisiwang.
Ga go na se se leng teng fa, kgotsa se se tlhomilweng kgotsa se se ikaelelang go tlhoma konteraka kgotsa tumelelano epe e e nnang teng magareng ga GCIS le modirisi mongwe le mongwe yo o etelang webosaete e.
GCIS e lemoga botlhokwa jwa tshireletso ya poraebete ya bana mo lefatsheng la tirisano. la 'nline'.
Ditumelelano le boemo jwa tiriso bo dira borutegi jotlhe kgotsa botsalano bongwe magareng ga GCIS le modirisi wa webosaete e. Go retelelwa gongwe le gongwe ga GCIS go diragatsa kgotsa go pateletsa ditshiamelo dingwe le dingwe tsa ditumelelano le boemo jo jwa tiriso, bo ka se ka jwa nna le thebolo ya ditshiamelo tseo kgotsa go neeelana ka ditirelo tse di ntseng jalo tsa ditshiamelo. Fa e le gore mo tumalelanong kgotsa boemong bongwe le bongwe jwa tiriso ya webosaete e, ga e dirisiwe ka bojotlhe jwa yona, kgotsa ditrelo ga di amogelesege ka mabaka a a rileng, tiriso ya yona e ka se ke ya dira gore go thibelwe tiriso ya yona kgotsa go neela ditirelo ka gope. Fa ditumalano kgotsa maemo a tiriso e a sa diragadiwe ka botlalo kgotsa di sa tlhomama ka tsela e e rileng, le fa go ntse jalo, ditumalano tse kgotsa maemo a, go tla nne go tswelelwe ka go neelana ka ditirelo go fitlha paka ya ditumalano le maemo a a dirilweng a fela.. Ditumelelano le boemo jo bo setseng bo ka se amiwe ke go se patelesege kgotsa go se amogelesege ga ditirelo tse, mme bo tla nna bo patelesega le go dirisiwa.
GCIS e beelana ditshiamelo tsa go fetoga, tsa go tlhabolola, tsa go oketsa mo go kgotsa go tlosa mo karolong kgotsa mo gotlhe ga ditumelelano le boemo jwa tiriso go simolola nako nngwe le nngwe. Phetolo ya ditumelelano le boemo jo jwa tiriso, bo tla tsaya nako mo diphetogong tse di romelwang mo webosaeteng. Ke tlamego ya modirisi go tlhokomele ka nako nngwe le nngwe ditumelelano le boemo jwa tiriso mo webosaeteng e, go lemoga diphetogo le ditlhabololo. Tiriso e e tsweletseng ya webosaete ke modirisi ka tatelano ya thomelo ya diphetogo, e tla nna temogo ya kitsiso ya modirisi go amogela go obamela le go angwa ke ditumelelano le boemo jwa tiriso, go akarediwa le diphetogo le ditlhabololo tseo.
<fn>GOV-ZA. Testingofofficialseedsamples.2010-03-25.tn.txt</fn>
Lefapha la Temothuo le dira diteko tsa ditshupo tsa dipeo tsa semmuso go netefatsa gore sebopego sa dipeo se phepa/tlhwekile, gape le gore di ka mela le go itshegetsa.
Ke dipeo tsa mefuta e e farologaneng tse di ka tsewang go ya ka Molao wa Tlhabololo ya Dijalo wa 1976, o o reng dipeo tseo di ka lekiwa jaaka ditshupo go netefatsa nonofo ya tsona. Ditshupo tsa semmuso di a lekiwa go netefatsa gore dipeo tse dintsi di tsamaelana le ditshiamelo/kabelo tsa Molao, 1976, wa Tlhabololo ya Dijalo, le gore di tshwailwe ka nepagalo le ka tlhokomelo, mme ke tsona tse di tla rekisiwang.
Baruni mo dikantorong tsa didika ba Lefapha la Temothuo ke bona ba lekalekanyang ditshupo ka tsela e e sa tlhomamang go tswa kwa taelong ya kgwebo le dipeo tse di tlhagang kwa ntle mo bathong ba bangwe, sekao: mekgatlho, ditheo, ditlamo, dithulaganyo le badirisanimmogo le balemi, ba ba rekisang dipeo.
Dipeo tse dintsi tse di leng teng, ke gore tsa kgwebo le tse di kanetsweng, ke tsona tse di tsewang tsia.
tlhopho e e sa tlhomamang ya dipeo dipeo tse dintse tse di belaelwang mathata a a farologaneng a mefuta ya dijalo.
Ditshupo di lekiwa go ya ka tumalano le ditshiamelo tsa Molao wa Tlhabololo ya Dijalo go tshwana le bophepa le go mela le go itshegetsa.
Baruni ba itsisiwa ka dipholo.
Fa e le gore dipholo di bontsha gore peo ga e dumalane le Molao, e ka tloswa mo thekisong kgotsa ya tshwaiwa sešwa.
Jaaka go dirwa teko ya peo, go ya ka molawana wa Setšhaba, ga go kitla go nna le tefo e e tla batlwang. Le fa go ntse jalo, fa motho yo sampole e tserweng mo go ena a batla dipholo ka tsela ya Tshekatsheko ya Peo, tuelo ya thebolo ya teko ya peo e tla tshwanelwa ke go duelwa. Lenaneotheko le tla tlhagiswa.
Gakologelwa go tsenya nomore ya lenaneotheko gore go kgonwe go e amanya le lenaneotheko le le ntshitsweng.
Lefelo le mo go lona go dirwang teko ya semmuso ya dipeo, le dirisa lenaneo la setlapele mo tekong. Ka ntlha ya gore dijalo di le dintsi di na le maemo a a farologaneng a teko, mme le nako ya teko le yona e ka farologana ka letsatsi le le lengwe go ya mo dibekeng di le mmalwanyana. Dira dipatlisiso kwa sebebofatsing ka bosona.
Tirelo e ga e duelelwe.
Ga go na foromo e e tladiwang.
<fn>GOV-ZA. Testingseedforcomplaintsanddisputes.2010-03-25.tn.txt</fn>
O ka nne wa bega dingongorego kgotsa dikgotlhang malebana le boleng ba disata, fela pele o dira jalo o tshwanetse go ikgolaganya le OSTS go netefatsa fa e le gore go na le bokgoni jo bo tlhokegang mo mofuteng wa teko kgotsa mofuta wa sata. Tirelo e e ka fiwa motho, setlamo, setheo, khamphane kgotsa molemirui mongwe le mongwe.
Fa o batla go tlhagisa ngongorego kgotsa kgotlhang malebana le boleng jwa sata o tshwanetse go romela lekwalo ga mmogo le disampole tsa disata mme o tlhagise dintlha sentle malebana le ngongorego ya gago. Tsenya le dintlha tsa diteko tse di dirilweng ke ditheo dingwe tsa go dira diteko tsa disata.
O ka nne wa itirela disampole ka bowena, fela sampole ya semmuso e e dirilweng ke moruni wa ofisi e e mo kgaolong ya gago ya Bokaedi ba SAAFQIS ke yona e tlhokegang.
Isa disampole kwa ditekong.
Fa e le gore ngongorego e matshwanedi, ke gore, boleng jwa sata ga bo kgotsofatse ditlhokego tsa Molao wa Tokafatso ya Dijalo wa 1976 mongongoregi ga a kitla a duela sepe. Fa ngongorego e se matshwanedi mongongoregi o tla tshwanelwa ke go duela lekgetho la Letlotlo le le rebotsweng la diteko tsa disata mme o tla newa selipi.
Dituelo di ka dirwa ka eleketeroniki mo motšheneng kgotsa di ka dirwa ka go duela mo khaontareng, fela go botlhokwa go itse nomoro ya selipi gore tuelo e kgone go nyalana le selipi se se ntshitsweng.
Dipholo tsa tlhotlhomiso di ka itsisiwe fela fa tuelo e setse e dirilwe.
Setlapele sa botlhokwa sa OSTS ke go bona gore go dirwa diteko tsa disampole tse go ngongoriwang ka tsona ka maitlhomo a go dira gore di nyalane. Bogolo jwa ngongoreg kgotsa kgotlhang ke bona bo tla laolang gore palo ya disampole, mefuta ya dijalo le mefuta ya diteko e e tlileng go dirwa, mme se gape ke sona se tla laolang gore go tsewa nako e kanakang go wetsa ditlhotlhomiso. Ka jalo ga go kitla go neelwa boemo jwa tirelo. O ka botsa dipotso kwa diofising ka botsona.
Tirelo ga e duelelwe fa ngongorego e le matshwanedi.
<fn>GOV-ZA. Traininginseedanalysismethodsandtechniques.2010-03-25.tn.txt</fn>
Seteišene sa Semmuso sa Teko ya Disata se neelana ka katiso e e kgethegileng ya katiso ya mekgwa le dithekeniki tsa go sekaseka disata mo bathong ba ba nang le kgatlhego, jaaka basekaseki ba disata ba ga jaanong le batho ba ba kgatlhegelang go ka nna basekaseki, go akaretsa batho ba ba batlang kitso ya teko ya disata. Batho ba ba tswang kwa di-NGO batho ba ba tswang kwa SADC le Aforika ka bophara ba ka tla dikhosong tsa mofuta o.
Khoso ya ditshupetso ya mekgwa le dithekeniki tsa go sekaseka disata e tsena ka Moranang.
Go na le bodirelo jo bo tshwarwang gangwe ka ngwaga go rotloetsa maemo a tekano a teko ya disata ka Ngwanatsele ngwaga mongwe le mongwe. Setlhogo sa bodirelo le palo ya malatsi otlhe a bodirelo a farologana ngwaga le ngwaga go ya fela ka mathata a a itemogelwang mo tekong ya disata le mafelo mangwe a tekanyo a a tlhokang go siamisiwa.
Go tla nna gape le bodirelo jwa Tetrazolium bo dirwa morago ga mengwaga e le meraro. Bodirelo jwa bofelo jwa TZ bo tshwerwe ka ngwaga wa 2004.
Kwa tshimologong ya ngwaga mongwe le mongwe kitsitso ya katiso, go akaretsa kgang ya bodirelo, e romelwa kwa bathong botlhe ba ba nang le kgatlhego, ba ba mo lenaneng la Lefapha.
Tlatsa foromo ya kopo go supa dikgatlhego tsa gago mme o e romele ka fekese kwa Seteišeneng sa Teko ya Disata.
Batsayakarolo ba amogelwa go ya ka palo e e ka kgonang go amogelwa. Go tsewa fela batsayakarolo ba le 20 mo ditshupetsong tsa khoso ya Mekgwa le dithekeniki tsa tshekatsheko ya khoso ya disata. Palo ya batsayakarolo ba bodirelo e tla laolwa ke setlhogo. Ke batsayakarolo ba le 20 fela ba ba ka amogelwang mo bodirelong jwa TZ.
Batho ba ba amogetsweng go tsaya karolo ba tla itsisiwe ka fekese, morago ga sebaka ka tšhono ya bona ya go tsaya karolo.
Batho ba mofuta o ba tshwanetse go tlhomamisa go tla ga bona.
OSTS e leka go tlhokomela baithuti/dikantitate tsotlhe tse di dirang kopo ya khoso kgotsa bodirelo. Le fa go ntse jalo, ka ntata ya go tlhoka diphatlha mo lefelong la katiso, paakanyo ya tiro e e diragadiwang, jalo-jalo, batho ba ba mmalwa fela ba tla kgona go tseiwa/go fiwa lefelo. Go tla fiwa tlhokomelo go basekaseki ba disata pele kwa dilaboratoring tsa diteko tsa disata.ga mmogo le batho ba ba kgatlhegelang go nna basekaseki ba disata.
Mo dithutong di le pedi e bong khoso ya tiragatso ya ditshupetso ga mmogo le Katiso ya Mekgwa le dithekeniki tsa go sekaseka disata, o tla fiwa lekwalo la go tsenela dithuto. Lekwalo le tshotse tshosobanyo ya dintlha malebana le diteng tsa khoso le bodirelo.
Tirelo ga e duelelwe. Tuelo e nnye ya teye, dijo tsa motshegare le dimanuale/dintlhathuto e tla dirwa mme se se tla ya fela ka bogolo jwa bodirelo, e bong, palo ya malatsi, le dimanuale tse di ntshiwang jalo-jalo.
Ikwadiso ya ketapele e dirwa ka go dirisa foromo e e romelwang kwa tshimologong ya ngwaga. Botlhe ba ba kgatlhegelang go nna basekaseki ba disata ba tshwanetse go ikwadisa jaaka baikatisi ba tshekatsheko ya disata.
Foromo e e tla akaretswa mo ngateng e e tla phatlaladiwa.
<fn>GOV-ZA. Unreservedpostalservice.2010-03-25.tn.txt</fn>
Kopo ya boikwadiso go Molaodi wa Ditirelo tsa Poso go dirisa poso e e sa beeletswang e e tshwanetseng ya nna go ya ka sebopegong se se beilweng ke Tona ka kgakololo ya Molaodi.
Tuelo e e sa busediweng ya R500 e duelwa ka seatla, tšheke e e netefaditsweng kgotsa ka phitiso ya eleketeroniki.
Boikwadiso bo amogelwa mo pakeng ya ngwaga go tloga ka letlha la thebolo ya boikwadiso jwa setefekeiti.
Go gorosa makwalo.
Go gorosa makwalo a a bokete jwa kilogerama kgotsa ka fa tlase.
Go gorosa disilintara tsa dimmitara di le 458 kgotsa ka fa tlase, bokima jwa 100 le bokete jwa 100 milimitara le bokete jwa kilogerama.
Go neelana ka kokoanyetso ya fa tseleng le mabokisi a diaterese.
Se ga se tsenyeletse dikgwebo tsa tsamaiso ya dikuno tsa tsona go tshwana le morekisi wa malomo, raleselaga kgotsa kgwebo ya kerosari.
Batho le dikgwebo tsa poraefete ga di duelele go dirisa kopo ya laesense ya tirelo ya poso e e sa beeletswang.
Go ka dirwa kopo ya boikwadiso go Molaodi wa Tirelo ya Diposo go dirisa ditirelo tsa diposo tse di sa beeletswang go ya ka sebopego sa tsamaiso e e umakilweng ke Tona mo tshisinyong ya Molaodi.
Go na le kopotuelo e e sa busediweng ya tšhelete e e duetsweng ka ya seatla, e e kana ka R500 kgota e duetswe ka tšheke e e netefaditsweng kgotsa phitiso ya elekroniki.
Boikwadiso bo amogelwa mo pakeng ya ngwaga o le mong go tloga motlha wa letlha la thebolo ya setifikeiti sa boikwadiso.
Tlatsa diforomokopo tse di tsamayang ka boraro.
Romela kopo ya boikwadiso go Lefapha la Ditlhaeletsano mmogo le bopaki jwa tuelo.
Romela bopaki jwa tuelo ya fekese go: 12 427 8536.
Go retelelelwa ke go kgotsofatsa nngwe ya ditlhokego tse, go ka lebisa kwa go se se paledisang kopo go atlega.
Laesense e ka bo e siame morago ga malatsi a 30.
<fn>GOV-ZA. Vatvendorsearch.2010-03-25.tn.txt</fn>
Tiro ya Patlo ya Lekgetho la Morekisi, tiragatso ya patlo ka mogala o o butsweng mo webosaeteng e e ka dirisiwang ke dikgwebo, moloko a setšhaba, bajanala le mafapha a puso.
Tiragatso e, e ka dirisiwa go netefatsa gore batho ba e leng bathelesi ba dithoto kgotsa ba ditirelo, ba ikwadisitse mo lekgethong le go rotloetsa go ipega ga batho ba ba nang le diponagalo tsa go tila lekgetho.
Dikgwebo tse ka ngwaga di bonang ka fa tlase ga R300 000 ya thekiso yotlhe , ga di tlhoke go ikwadisetsa VAT. Dikgwebo tsotlhe tse di duedisang lekgetho di tshwanetse go bo di kwadisitswe mme di duela lekgetho kwa go Ditirelo tsa Lekgetho tsa Aforika Borwa.
Leina le tshwanetse go tshwanana le le morekisi a le kwadisitseng la kgwebisano.
Ga bo yo.
Ditirelo ga di duelelwe.
Batla mo inthaneteng.
<fn>GOV-ZA. Victimempowermentprogramme.2010-03-25.tn.txt</fn>
Lenane la go naya Batswasetlhabelo Maatla le nolofatsa tlhomo le go kopana ka fa gare ga mafapha kgotsa kopano ya dikarolo tsa manane a a ka fa gare le dipholisi go tshegetsa, go sireletsa le go naya batswasetlhabelo ba tshenyo le tirisodikgoka..
VEP e na le mo e lebeletseng go go kgethegileng mo basading le mo baneng. Batswasetlhabelo ba tirisodikgoka ya tsa selegae ba ba leng mo tsielegong ba ka nna mo lefelong la tshireletso dibeke di le pedi kgotsa di le thataro, mme se se tla ikaega ka mabaka a bona.
Lenane le ka bonwa ke batswasetlhabelo ba tshenyo le tirisodikgoka.
Ikgolaganye le borakanelo bongwe le bongwe jwa tshegetso jwa batswasetlhabelo, mafelo a tshireletso a basadi le bana ba ba sotlilweng ba ka nnang teng, mothelesi wa tirelo wa mmuso kgotsa mokgatlho o o seng wa semmuso o o golaganeng le tlhokomelo ya batswasetlhabelo ba tirisodikgoka tsa selegae.
Ikgolaganye le lefelo la tshireletso la batswasetlhabelo le le leng mo motseng kgotsa Mogala o o sa duelelweng wa THIBELO ya Basadi ba ba Sotlilweng kwa 0800 150 150.
Mokhanselara, mothelesi wa tirelo ya boitekanelo, tokololo ya Tirelo ya Sepodisi mo Aforika Borwa, kgotsa motlhankedi wa sepodisi, modirediloago, morutabana kgotsa mongwe le mongwe fela yo o nang le kgatlhego mo go bopeng botho jwa mongongoregi a ka nna a dira kopo ya thulaganyo ya tshireletso.
Go netefatsa gore fa motho yo mongwe kwa ntle ga mongongoregi a tlisa kopo ya thulaganyo ya tshireletso, tumelelo e e kwadilweng ke mongongoregi e tshwanetse go tla mmogo le kopo.
Ga go na foromo e e tlhophilweng mo go kwalelwang tumelelo e - lekwalo le le tswang go mongongoregi le le nayang tumelelo e e kwadilweng le tla bo le siame.
a idibetse; kgotsa fa kgotlatshekelo e kgotsofetse gore motho yoo o retelelwa ke go neela ka tumelelo kgotsa tetlelelo e e batlegang.
Nako e e batliwang go sekaseka thulaganyo ya tshireletso e farologana go tloga mo kgotlatshekelong nngwe go ya kwa go e nngwe gape go ikaegilwe ka letlha la dipoelo le le tla bong le tlhophilwe ke tlelereke ya kgotlatshekelo.
Bonnye jwa Boemotlase bo neelwa jwa Tirelo e e Neetsweng Batswasetlhabelo Maatla..
ke boikarabelo jwa modiredi loago go kaela batswasetlhabelo kwa metsweding mengwe go bona tsereganyo e e tsweletseng, sekao, thulaganyo ya tshireletso, thuso ya kalafo, ditirelo tsa dikgakololo le go bona mafelo a tshireletso a mangwe.
go neelana ka bopaki jwa boitseanape jaaka modira-ka-kgetse kgotsa molato ka a itse ditekanyetso tsa botsalano jwa balelapa.
go dira jaaka motsereganyi kwa kgotlatshekelo ya molao kwa bopaki jwa ngwana bo bonwang ka go dirisa motsereganyi.
go tlhoma leano la tshireletso ya motswasetlhabelo/batswasetlhabelo.
Ditirelo ga di duelelwe.
Form J 480 e ka bonwa kwa dikantorong tsa Pabalesego Loago tse di gaufi le wena. E bonwa kwa dikantorong tsa Lefapha la Tlhabolololoago le le gaufi le wena.
<fn>GOV-ZA. Warveteransgrant.2010-03-25.tn.txt</fn>
Mogale wa ntwa ke motho yo o nnileng le seabe mo Ntweng ya Ntlha kgotsa ya Bobedi ya Lefatshe kgotsa Ntwa ya Korea.
Baboelwa ba ba sa kgoneng go itlhokomela mme ba tlhoka tlhokomelo ya ka gale go tswa go mongwe ba ka dira kopo ya thebolelo ya thuso mo godimo ga dithebolelo tsa katlaatlelo.
Tlhwatlhwa ya thebolelo ya bagale go tloga ka Morananang 2008 ke R960 ka kgwedi.
nyalana le teko ya tlhoko.
Teko ya tlhoko ke teko e e dirisiwang go lekanyetsa maemo a matlole a modirakopo. Gore o amogele thebolelo, maemo a gago a matlole a tshwanetse go nna kwa lase ga tlhwatlhwa e e rileng. Ka 2008, teko ya tlhoko ya thebolelo ya bagale ba ntwa ya motho yo o sa nyalang e ne e re o ka se bone thebolelo fa thoto ya gago e le kwa godimo ga R451 200 fa o sa nyala. Ntlo e o nang nayo e ne e sa tsewe tsia fa o nna mo go yona. Lotseno lwa gago le lona le tshwanetse go nna kwa tlase ga R26 928 ka ngwaga fa o sa nyala.
Fa o nyetse o ka se bone thebolelo fa dithoto tsa gago le mogatso di le kwa godimo ga R902 400 ka ngwaga. Ntlo e e leng gore ke ya mongwe wa lona, e ka tsewa tsia fa e le gore le nna mo go yona. Lotseno lwa gago le lwa mogatso le tshwanetse go nna ka fa tlase ga R53 856 ka ngwaga.
bo o sa tlhokomelwe mo setheong sa Puso o sa amogele thebolelo e nngwe ya loago.
madi a a seatleng kwa Mafelong a Tuelo ka letsatsi le le rileng go tsenngwa ga madi mo akhaontong ya gago ka mokgwa wa ileketeroniki kantoro ya Poso setheo.
Tlatsa foromo ya kopo kwa kantorong e e gaufi nao ya tshireletso ya loago.
Fa o tsofetse kgotsa o lwala thata go ka ya kwa kantorong eo go dira kopo, kopa mongwe gore a go kopele go etelwa mo gae boemong jwa gago. Motho yoo o tshwanetse go tlisa lekwalo le le tswang mo go wena le lekwalo la ngaka le le supang gore o ka se kgone go etela kantoro eo.
Tlatsa foromo ya kopo go na le motlhankedi go tswa kwa lefapheng.
ekwaloitshupo la bakhoutu la Aforika Borwa, mme fa o na le molekane, ID ya gagwe le yona e a tlhokega bosupi jwa tirelo ya gago mo ntweng, e ka nna setifikeiti sa tirelo ya ntwa kgotsa dimmetale tsa gago tsa ntwa fa o le kwa tlase ga 60, tlhatlhobo kgotsa pegelo ya boitekanelo e e tlhalosang gore o ka se kgone go dira.
fa o sa nyala, afitafiti e e tlhalosang gore ga o a nyala fa o nyetse, setifikeiti sa gago sa lenyalo fa o tlhadile, lekwalo la tlhalo fa mogatso a tlhokafetse, setifikeiti sa gagwe sa loso.
fa o dira, setifikeiti sa moputso wa gago fa o sa dire, 'buka e tala' ya Letlole la Inšorense ya Botlhokatiro kgotsa setifikeiti sa go ntshiwa mo tirong go tswa go mothapi wa gago yo o fetileng fa o na le phenšene ya poraefete, sesupo sa phenšene ya poraefete fa o na le akhaonto ya banka, setatamente sa banka ya gago sa dikgwedi tse tharo tse di latelanan fa o na le dipeeletso, tshedimosetso ka ga merokotso le dikabelo tse o di amogelang.
Bona rasiti go e tshola jaaka sesupo sa kopo.
O tla itsisiwe ka go kwala gore kopo ya gago e atlegile kgotsa nnyaa.
Fa kopo ya gago e sa dumelwa, kantoro ya tshireletso ya loago e tla go itsise ka go go kwalela e tlhalosa mabaka a gore ke ka ntlha ya eng kopo ya gago e sa atlega.
Fa o sa dumelane le tshwetso e, o ka ikuela go Tona ya Tlhabololo ya Loago kwa kantorong ya bosetšhaba ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago, o tlhalosa gore ke ka ntlha ya eng o sa dumele.
Boikuelo bo ka dirwa mo matsatsing a le 90 morago ga go amogela kitsiso ka ga ditlamorago tsa kopo ya gago.
Fa foromo ya gago ya kopo e neetswe, o tshwanetse go newa rasiti e o tshwanetseng go e boloka jaaka e le sesupo sa gore o dirile kopo.
Go ka tsaya matsatsi a le 21 go diragatsa kopo ya gago.
Fa thebolelo ya gago e atlegile, o tla duela go tloga ka letsatsi le o dirileng kopo.
Ditirelo ga di duelelwe.
<fn>GOV-ZA. Water.2010-03-25.tn.txt</fn>
Ditirelo tsa motheo tsa masepala tsa mahala ke ditirelo tse di tlamelwang go malapa a a humanegileng ke Puso ntle le tuelo epe. Ditirelo di akaretsa metsi, motlakase, kgelelo-leswe le go olela matlakala. Ditirelo tse di tlamelwa ke bomasepala e bile di akaretsa selekano sa minimamo sa motlakase, metsi le kgelelo-leswe tse di lekaneng go tlamela ditlhokego tsa motheo tsa malapa a a humanegileng. Le fa go le jalo, dipholisi tse di laolang tlamelo ya kgelelo-leswe ya motheo le go olela matlakala di sa ntse di tla konosediwa ke mafapha a kgaolo a a maleba a Merero ya Metsi le Dikgwa le Merero ya Tokologo le Bojanala.
Metsi a motheo a mahala a akaretsa bonnye selekano sa motheo sa dikilolitara tse 6 tsa metsi ka kgwedi go lelapa lengwe le lengwe. Selekano se, se ka farologana go ya ka bomasepala mme o tshwanetse go ikgolaganya le masepala wa gago ka tlhamalalo go batlisisa gore tota ke eng tirelo ya metsi a motheo a mahala a ba a tlamelang. O tshwanetse go duelela metsi a o a dirisitseng mo godimo ga a o a reboletsweng ntle le tuelo.
Selekano sa motlakase wa motheo wa mahala ke 50kWh go lelapa lengwe le lengwe ka kgwedi go mokgwa wa maatla a kiriti . Selekano se sa motlakase se tla lekana go ka tshuba mabone, go thuthufatsa metsi ka ketlele, go sidila diaparo, go tshuba thelebišene e e seng ya mmala, le go tshuba seyalemowa.
Badirisi ba ba nang le dimitara tsa motlakase o o dueletsweng-kwa-pele ba tla kgona go bona fa motlakase wa mahala o dirisitswe otlhe, mme ba tla tshwanela go reka motlakase gape. Badirisi ba ba nang le dimitara tse di tlwaelegileng kgotsa tse ba duelang morago ga tiroso ga ba kitla ba kgona go bona bonolo fa ba dirisitse diyuniti tsotlhe tsa motlakase wa bona. Ba tla duedisetswa tiriso ya tlaleletso kwa bokhutlong jwa kgwedi nngwe le nngwe.
Badirisi ba ba sa kgoneng go fitlhelela go tsenngwa ga motlakase wa maatla a kiriti ba ka tlamelwa ka maatla a e seng a kiriti ke bomasepala ba bona. O tshwanetse go ikgolaganya le masepala wa gago go batlisisa gore ke mefuta e mengwe efe ya metswedi ya maatla e e tlamelwang.
Go nna le motlakase le metsi a a tsentsweng mo lelapeng la gago kgotsa mo ditsheng tsa gago tsa kgwebo, ikgolaganye le masepala wa kgaolo ya legae la gago le lešwa kgotsa kgwebo ya gago e ntšhwa.
Mo dikgaolong tse dingwe, motlamedi wa bosetšhaba, Eskom, o tlamela motlakase ka tlhamalalo.
Puso ga e ise e tsenye lenaneo la kgelelo-leswe ya mahala. Lefapha la Merero ya Metsi le tlhabolola mokgwa wa go tlamela ka kgelelo-leswe la motheo la mahala. Fa leano le se na go konosediwa, bothati jwa selegae jo bo tlamelang ka ditirelo tsa kgelelo-leswe bo tla se tsenya.
Puso ga e ise e tsenye lenaneo la go olela matlakala la mahala. Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala le tlhabolola mokgwa wa go tlamela ka ditirelo tsa go olela matlakala tsa motheo tsa mahala. Fa leano le se na go konosediwa, bothati jwa selegae jo bo tlamelang ka ditirelo tsa go olela matlakala bo tla se tsenya.
Akhaonto ya go duelelwa-kwa-pele e kaya gore o reka diyuniti e bile e ka dirisa fela palo ya diyuniti tse di rekilweng. Fa fela o se na go dirisa diyuniti tsotlhe, e bile o sa ntse o tlhoka tse dingwe, o tshwanetse go reka gape.
Diakhaonto tse o duelang kwa morago di go letla go dirisa selekano sefe kana sefe sa motlakase kgotsa metsi. Masepala wa gago o tla go romelela kanego ya kgwedi le kgwedi e e bontshang selekano sa metsi kgotsa motlakase o o dirisitsweng, gammogo le tlhwatlhwa e o tshwanetseng go e duela.
Ikgolaganye le diofisi tsa masepala wa gago wa selegae.
Foromo ya kopo e e tladitsweng ka botlalo.
Duela tlhwatlhwa e e tlhalositsweng.
Go tsamaisa kopo ya gago go simolola letsatsi leo o dirang kopo ya gago go bona thuso . Kopo ya gago e tla sekasekwa mme go tla swetswa gore a o dumelelwa go bona ditirelo tsa motheo tsa mahala kgotsa nnyaa. Go tswa mo goreng ditsamaiso tsa masepala wa gago di ntse jang, o tla kwadisiwa gore o letleletswe go bona tshegetsi ya Ditirelo tsa Motheo tsa Mahala, le go fiwa keretiti kgotsa tshegetso e e tlhokegang ya maleba.
Metsi Dilitara tsa ntlha tse 6 000 go lelapa lengwe le lengwe ka kgwedi ke mahala, dilitara morago ga tse di duelelwa go ya ka direiti tsa masepala.
Go dira kopo ya tshegetso ya bahumanegi . Bomasepala ba le bantsi ba na le diforomo tsa go dira kopo. Botsa masepala wa gago ka ga go dira kopo ya tshegetso ya bahumanegi.
<fn>GOV-ZA. Workforum.2010-03-25.tn.txt</fn>
Rotloetsa dikgatlego tsa badiri botlhe kwa mafelong a tiro, e seng fela ditokololo tsa mekgatlo ya badiri.
Akaretsa badiri mo go tseyeng ditshweetso tse di kopanetsweng mo dintlheng tse dingwe.
Lekgotlana la mo tirong le ka tlhamiwa mo mafelong a bodirelo a mangwe le a mangwe a a nang le badiri ba le 100. Palo e ga e tsenyeletse batsamaisi le bagolwane ba badiri. Kopo e ka dirwa fa lekgotlana la mo tirong le se ise le nne teng go ya ka Molao wa Dikamano tsa kwa Ditirong wa 1995.
Go bona tshedimosetso e nngwe gape, e ya go Lefapha la Ditiro.
Mokgatlho wa badiri o tshwanetse go gokelela khopi e e netefaditsweng ya tumalano e e utlwanetsweng, e e leng bopaki jwa gore ba itsewe ke mothapi.
Moemedi wa mokgatlho wa badiri o tshwanetse go tlatsa foromo ya LRA 5.1.
Khopi ya rasiti e e saenweng fa khopi ya foromo e isitswe ka lestogo.
Pegelo e e saenweng ke motho yo o isitseng khopi ya foromo a netefata fa tirelo e e diragaditswe.
Khopi ya fekese e e pakang gore setlankana kgotsa bopaki bongwe le bongwe jo bo supang fa tirelo e e diragaditswe..
Romela foromo e e tladitsweng le bopaki jwa neelo go Mokwadisi: Kantoro ya Porofense ya Khomišene ya Poelano, Tsereganyo le Kutlwisisano.
E ka tsaya malatsi a le 30 go tlhama makgotlana a badiri.
<fn>Grievance Rules-Tswana.txt</fn>
Mo go itsisiwe ka tshedimosetso ya kakaretso gore Khomišene ya Tirelopuso go ya ka karolo ya bo 11 ya Molao wa Khomišene ya Tirelopuso, wa 1997 (Molao wa Nomoro ya bo 46 wa 1997), o buisiwa mmogo le karolo ya bo 196 (f) (ii) ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, wa 1996 (Molao wa Nomoro ya bo 108 wa 1996), e e tlhomileng Melawana e e totobaditsweng mo Mametlelelong ya bo 1.
E e dirilweng le go saenelwa kwa Tshwane mo letsatsing le la bo Somaamabedi tlhano wa Phukwi mo ngwageng wa 2003.
go rarabolola dingongorego tsa mothapiwa mo legatong le le kwa tlase ka fa go kgonegang ka teng mo lefapheng.
Ngongorego e tshwanetse ka fa go kgonegang ka teng ya rarabololwa ke mothapi go tsamaelana le modi wa yona ka fa go kgonegang ka teng.
Mothapi o tshwanetse go netefatsa gore ngongorego e rarabololwa ka mokgwa o o lolameng, wa go se tseye letlhakore lepe le ka mokgwa o o lekalekanang, le gore moono wa molao le tolamo tsa tlhago di a obamelwa.
Mokgwa o e rarabololwang ka ona o tshwanetse wa nna wa go thusa le go kgontsha mothapi le mothapiwa go rarabolola go se itumele.
Ga go mothapiwa ope yo o tshwanetseng go gatelelwa le go lomelediwa, e ka nna ka tlhamalalo kgotsa ka mokgwa o mongwe fela o sele, ka ntlha ya fa a begile ngongorego.
Fa go tsewa dikgato tsa go kgalema mothapiwa, go diragatsa mokgwa o ke mothapiwa go rarabolola morero ofe kgotsa ofe o o tsamaelanang le dikgato tsa go kgalema ga di a tshwanela go kganela dikgato tse tsa go kgalema.
Ngongorego e tshwanetse go begiwa ka go kwalwa mme ditshweetso tsotlhe tse di tsewang ka nako ya go e rarabolola di tshwanetse go kwalwa.
Mothapiwa a ka thusiwa ke moemedi.
Go sweetsa selekanyetso sa nako, se se tshwanetse go balelwa ka go se balele letsatsi la ntlha fela go akarediwe letsatsi la bofelo.
Matlhakore ka bobedi a tshwanetse go tsamaelana le selekanyetso sa nako e e beilweng mo tirong e, kwa ntle ga fa go dumallanwe mmogo go atolosa nako.
Mothapiwa o tshwanetse go tlhagisa ngongorego go mothapi mo pakeng ya malatsi a le 90 go tswa mo letlheng le mothapiwa a lemogileng kgato ya semmuso kgotsa go ikgatolosa ga semmuso mo go amang mothapiwa ka mokgwa o o sa tshwanelang.
Mothapiwa a ka kopa gore ngongorego ya gagwe e romelwe kwa Khomisheneng mo pakeng ya malatsi a le 10, morago ga go amogela tshweetso ya bothati jo bo diragatsang.
Mothapi o tshwanetse, fa a kopiwa, go abela mothapiwa tshedimosetso e e maleba le e e tlhokegang gore a kgone go bega kgotsa go latela ngongorego ya gagwe.
Go abiwa ga tshedimosetso ya mofuta o, go tsamaelana le ditekanyetso tse di dumeletsweng semolao.
Mothapiwa o tshwanetse go abelwa tshedimosetso ka ga maemo a ngongorego le dikgato tse di tsewang mabapi le go konosetsa letlha le le rulagantsweng la bofelo.
Mothapi o tshwanetse go abela mothapiwa khophi ya foromo ya ngongorego morago ga fa kgato nngwe le nngwe e e tshwanetseng ya bothati jwa go sekaseka ngongorego e.
Mothapiwa a ka bega ngongorego ya gagwe mo mothapiweng yo mongwe yo o supilweng go sekaseka morero wa go rarabolola ngongorego mo teng ga lefapha.
Foromo e e laetsweng e e mo Mametlelelong ya A e tshwanetse go dirisiwa fa ngongorego e begiwa.
Mothapiwa yo o supilweng o tshwanetse go ikgolaganya le bothati jo bo tshwanetseng jwa mo lefapheng ka maikaelelo a go rarabolola ngongorego.
Ngongorego e ka rarabololwa ke motho mongwe le mongwe yo o rweleng boikarabelo jwa bothati e bile a na le bothati jo bo maleba go e rarabolola.
Mothapiwa yo o ngongoregang o tshwanetse go sedimosediwa ka tshwanelo ke mothapiwa yo o supilweng ka ga maemo le dikgato tse di tsewang tsa go rarabolola ngongorego.
Fa ngongorego e rarabolotswe ka mokgwa o o itumedisang mothapiwa yo o ngongoregang, bonnete jwa se bo tshwanetse go dirwa ka go kwala ke mothapiwa yo o supilweng.
Fa ngongorego e sa kgonege go rarabololwa, bothati jo bo sekasekang se, bo tshwanetse go itsise mothapiwa yo o ngongoregang ka fa go tshwanetseng ka teng.
Lefapha (go akarediwa le bothati jo bo sekasekang dikgotlang) le na le paka ya malatsi a le 30 go rarabolola ngongorego eo. Paka e e ka nna ya atolosiwa ka tumallano ya matlhakore ka bobedi, ka go kwalwa.
bothati jo bo sekasekang dikgotlang bo tshwanetse gore go ya ka mabaka a karolo ya bo 35 ya Molao wa Khomišene ya Tirelopuso, wa 1994, jwa fetisetsa ngongorego le dikwalwa tsotlhe tse di tsamaisanang le yona go Khomišene ya Tirelopuso go tlhagisa katlanegiso ya yona mo pakeng ya malatsi a le matlhano, fa e sena go begelwa ke mothapiwa yo o ngongoregang.
Fa ngongorego e theegile mo go se go thweng ke mokgwa o o sa lolamang wa merero ya badiri jaaka o tlhalositswe mo Molaong wa Merero ya Dikgolagano tsa Badiri, wa 1995, mothapiwa a ka itsise bothati jo bo sekasekang dikgotlang ka go kwala, gore o eletsa go dirisa mefuta e mengwe ya go rarabolola ngongorego e e tlhamilweng mo molaotheong wa Khansele ya Bogokaganyi jwa go Lwela Ditshwanelo ya Tirelopuso kgotsa lekala le le lebaganeng la khansele (go tswa gore ke efe e e maleba), le gore Khomishene ya Tirelopuso, ka jalo, ga ya tshwanela go sekaseka ngongorego eo.
Khomišene ka tlhamalalo; kgotsa mo lebakeng la se go tweng ke mokgwa o o sa lolamang wa merero ya badiri, go Khansele ya Bogokaganyi jwa go Lwela Ditshwanelo ya Tirelopuso kgotsa le lekala le le maleba la khansele (go tswa gore ke efe e e maleba) go ya ka mabaka a yona a tsamaiso ya go rarabolola dingongorego.
Fa Khomišene e amogetse tshedimosetso yotlhe go tswa mo bothating jo bo sekasekang dikgotlang, e tshwanetse gore mo pakeng ya malatsi a le 30 ya sekaseka ngongorego ya go nna jalo le go itsise bothati jo bo e sekasekang ka ga dikatlanegiso tsa yona le mabaka a tshweetso ya yona ka go kwala.
Fa bo se na go amogela dikatlanegiso tsa Khomišene, bothati jo bo sekasekang dikgotlang bo tshwanetse gore, mo pakeng ya malatsi a le matlhano, jwa itsise mothapiwa le Khomišene ka ga tshweetso ya jona ka go kwala.
tlhogo ya lefapha la bosetšhaba, ya itsise Moporesidente ka ga ngongorego eo; kgotsa tlhogo ya lefapha la porofense, e tshwanetse go bega ngongorego kwa go Tonakgolo e e tshwanetseng.
Moporesidente kgotsa Tonakgolo e na le paka ya malatsi a le 30 go rarabolola ngongorego eo. Paka e, e ka nna ya atolosiwa ka tumallano ya matlhakore ka bobedi.
Melawana ya bo F9 le wa bo 10, fa e buisiwa mmogo le diphetogo tse di laelwang ka diteng tsa tsona, e diragadiwa mo dingongoregong tsotlhe tsa ditlhogo tsa mafapha.
Tlhogo ya lefapha e tshwanetse go netefatsa gore tharabololo ya dingongorego e a lekanyediwa ka go tshola direkoto tsa palo ya dingongorego tse di rarabolotsweng mo tshimologong ya ngwaga mongwe le mongwe le go begela Khomišene mo pakeng ya nako ya dikgwedi di le thataro.
Khomišene e tshwanetse go bega ka ga merero ya go sekaseka dingongorego le bokgoni jwa mekgwa ya go rarabolola dingongorego kwa Kgotlatheomolaong ya Palamente ya Bosetšhaba, bonnye gangwe ka ngwaga, mme mo mabakeng a ditiro tsa Diporofense, kwa kgotlatheomolaong ya Porofense eo.
Fa ngongorego e begilwe go ya ka mabaka a mokgwa o wa go dira, bathapiwa botlhe ba ba ngongoregang ba tshwanetse ba bega mo pepeneneng gore a ba tla dirisa mokgwa o kgotsa o mongwe fela o sele.
Ngongorego e e begilweng pele go tlhamiwa Melawana ya Kgabaganyetso, ke gore pele ga di 1 Phukwi wa 1999, e tla sekasekwa le go konosediwa fela jaaka e kete Melawana ya Tirelopuso ga e ise e phimolwe.
Ngongorego e e begilweng pele go tlhamiwa melawana e ya go rarabolola dingongorego, e tshwanetse go rarabololwa le go konosediwa go ya ka mabaka a Melawana ya Kgabaganyetso ya go rarabolola Dingongorego e e phasaladitsweng mo Kuranteng ya Mmuso ya Nomoro ya bo 20231, ya 1999.
Letlha la go simolola ga Melawana e, go tsamaelana le ditshiamelo tsa Molawana wa K, ke di 19 Lwetse 2000.
Foromo e e tshwanetse go dirisiwa go tlhagisa ngongorego (go sa akarediwe se go thweng ke mokgwa o o sa lolamang wa go koba mothapiwa mo tirong), fa o sa itumelela dikgato tsa semmuso kgotsa go tlogela sengwe, mme e bile o sa kgona go rarabolola bothata bope ka go dirisa ditherisano tse e seng tsa semmuso.
O tshwanetse go tlhagisa ngongorego ya gago mo pakeng ya malatsi a le 90 go tswa mo letlheng le o lemogileng dikgato tsa semmuso ka lona kgotsa go tlogetswe sengwe, le tse di go amileng ka mokgwa o o sa siamang.
O ka thusiwa ke, kgotsa wa emelwa ke modirimmogo kgotsa moemedi kgotsa motlhankedi go tswa kwa mokgatlhong wa badiri o o amogetsweng.
Go botlhokwa go tlatsa tshedimosetso yotlhe ka mokgwa o o nepagetseng. Fa foromo e tladitswe, e tshwanetse go fiwa mothapiwa yo o supilweng go tsamaisa tshekatsheko ya ngongorego mo setheong sa lona. Lefapha le tla mamaretsa foromo e mo dikwalong tsotlhe tsa ngongorego mme e tla dirisediwa dikgato tsotlhe tsa go sekaseka ngongorego.
Mo kgatong nngwe le nngwe mo motho yo o nang le bothati a lekang go rarabolola ngongorego, letlhakore lengwe le lengwe le tla tlatsa karolo e e maleba ya foromo e. O tla fiwa tšhono ya go arabela tshwaelo nngwe le nngwe.
Fa go konoseditswe kgato nngwe le nngwe ya mokgwa wa go sekaseka ngongorego, lefapha le tla go abela khophi ya foromo e e tladitsweng.
Fa ngongorego e rarabolotswe, ga go tlhokege gore o tlaletse foromo go ya pele. Karolo ya Merero ya Badiri mo lefapheng la lona e tla tsenya foromo mo faeleng. Yona e tla dirisediwa go bega dipalopalo kwa Khomišeneng ya Tirelopuso ngwaga le ngwaga.
Go tlhokega gore o tlatse Dikarolo tsa A le ya B tsa foromo e, mme o e neye mothapiwa yo o supilweng yo o sekasekang merero ya ngongorego kwa setheong sa lona. Mothapiwa o tla tsenya go saena ga gagwe mo karolong e e fa tlase ga karolo ya B ya foromo go supa gore ngongorego e amogetswe. Netefatsa gore o amogela khophi ya foromo mo go supiwang gore ngongorego ya gago e amogetswe.
Karolo ya C ya foromo e tla tladiwa ke mothapi le wena ka sebele mo tsamaong ya dikgato tse di farologaneng mo go tla diriwang maiteko a go rarabolola ngongorego.
E tshwanetse go tladiwa ke mothapiwa yo o ngongoregang: Ditlhaka tsa Maina le Sefane : Nomoro ya Mothapiwa : ... Lefapha le le mo thapileng : ... Bokaedi : ... Maemo / Seemo mo Tirong : ... Letlha le o lemogileng dikgato tsa semmuso kgotsa go ikgatholosa sengwe : ... Dinomoro tse go ka ikgolaganngwang le wena mo go tsona Nomoro ya Mogala:... Nomoro ya Fekese: ... Leina la moemedi (fa a le teng) : ... Dinomoro tse go ka ikgolaganngwang le moemedi mo go tsona Nomoro ya Mogala:... Nomoro ya Fekese:... Leina la Mokgatlho wa Badiri (fa o le teng) : ... Dinomoro tse go ka ikgolaganngwang le Mokgatlho wa Badiri mo go tsona Nomoro ya Mogala: Nomoro ya Fekese:...
E tshwanetse go tladiwa ke mothapiwa yo o ngongoregang: O ngongoregela eng?
O tshisinya tharabololo ya mofuta mang?
DINTLHA: Karolo e ya foromo e dira ditshiamelo tsa dikgato tse di farologaneng tsa go leka go rarabolola kgotlang. Fela legale, ga go dikgato tse di laetsweng ka totobalo tsa go rarabolola ngongorego. Go ya ka mabaka a a rileng, tsebe kgotsa ditsebe tse di fa tlase di tlhoka go tladiwa. Fa go sa kgonege go rarabolola ngongorego go fitlhela kwa legatong la tlhogo ya lefapha, e tshwanetse go fetisediwa kwa bothating jo bo sekasekang dikgotlang, (ke gore; tsebe e e fa tlase e ka totobalo e lebisang go bothati jo bo rarabololang dikgotlang, e tshwanetse go tladiwa). Ngongorego e tshwanetse go sekasekiwa mo dikgatong tsotlhe tse di tlhokegang (go akarediwa le bothati jo bo sekasekang dikgotlang), mo pakeng ya malatsi a le 30, kwa ntle ga fa paka eo e atolositswe ka tumallano le mothapiwa yo o ngongoregang.
E tshwanetse go tladiwa ke mothapiwa yo o supilweng: Leina : Maemo a mo Tirong : ... Nomoro ya Mogala : ... Nomoro ya Fekese : ... A ngongorego e rarabolotswe Ee [ ] Nnyaa [ ] Fa karabo e le ee, tlhagisa dintlha tsa tumallano (fa lefelo le le fa tlase le sa lekana, tsweetswee mamaretsa tsebe (ditsebe) tsa tlaleletso)?
E SAENNWE KE: MOTHAPIWA YO O SUPILWENG LETLHA E tshwanetse go tladiwa ke mothapiwa: A ngongorego e rarabolotswe Ee [ ] Nnyaa [ ] A o na le se o batlang go se tshwaela ... E SAENETSWE KE:..?
A ngongorego e rarabolotswe?
A o batla gore ngongorego e fetisediwe go Khomišene ya Tirelopuso?
<fn>Hansards.16DaysOfActivism.2009-11-11.tn.txt</fn>
Letsholo la Malatsi a le 16 ke eng?
Go lemosa ka ga ditlamorago tse di bosula tse di tlholwang ke tirisodikgoka le tshotlo mo go BOMME LE BANA le...
Ke eng se se tlholang tirisodikgoka mo go basadi?
Ke mabaka afe gape a a tlholang tirisodikgoka go basadi?
TSHOTLAKAKO ke eng?
A o a itse...
gore Palamente e fetisitse melao go sireletsa ditshwanelo tsa mongwe le mongwe kgatlhanong le tshotlakako?
O ka bona kae thuso?
<fn>Hansards. AfricaDay.tn.txt</fn>
Go na le dinaga di le 54 mo Aforika mme di le 53 tsa tsona ke maloko a AU. Morocco ga se leloko la dinaga tsa AU.
AU e kopantse kontinente ya Aforika go bua ka ga dikgwetlho tse dintsi tsa yona tse di jaaka kgotlhang ya dibetsa, phetogo ya tlelaemete le bohuma.
AU e ikaelela go sireletsa ditshwanelo tsa temokerasi, ditshwanelo tsa botho le diikonimi tsa Aforika tse di tshwarelelang, segolobogolo ka go fedisa kgotlhang le go tlhama mmaraka wa botlhe o o dirang.
Pono ya Dinaga tsa Aforika tse di kopaneng ke: "Aforika o o lomaganeng, o o tswelelang pele e bile o na le kagiso, o o kgweediwang ke batho ba ona mme o emela kgatelelo e e fetogang mo ntlheng ya lefatshe".
maatlafatsa tshwarano go ralala kontinente le go aga kwa re yang teng go go tshwanang mo bathong ba Aforika.
Boitekanelo, polokego le tshireletso.
Tsaloseša ya maitsholo.
Tshwaraganoloago, setso le thuto.
Mo go gopoleng Letsatsi la Aforika, re nna le nako ya go ntšhafatsa boineelo jwa rona mo go rona, mo kontinenteng ya Aforika le ngwaoboswa e e arolelanwang le kwa re yang gona.
Palamente ya Rephaboliki ya Aforika Borwa e tsaya karolo mo mekgatlhong e e mmalwa ya Aforika, go tsenyeletsa Palamente ya Dipuso tse di kopaneng (PAP) le Foramo ya Palamente ya Setšhaba se se tlhabologang sa Borwa jwa Aforika (SADC PF).
Go latela pholisi ya naga e sele, Palamente ya Rephaboliki ya Aforika Borwa e neela Aforika tebelelo e e kgethegileng mo setlhomong sa pholisi ya dikamano tsa Boditšhabatšhaba gotlhelele. Se se tsenyeletsa go tsenela dikopano dingwe tsa melao ya dinaga tseo puso ya Aforika Borwa e ntseng e tsaya karolo mo maitekong a go tlisa kagiso mo go tsona.
Monongwaga, Palamente ya Rephaboliki ya Aforika Borwa e tla tshwara Puisano ya Aforika ka di 23 Motsheganong e e tla latelwang ke ngangisano ka di 25 Motsheganong ka morero wa "Ntšhafatso, tsweletso le le kago ya Aforika" go keteka Letsatsi la Aforika.
Morero: "Go tloga mo ponong go ya tiragatsong, Kgaolo e e latelang ya Aforika".
Foramo ya Ikonomi ya Lefatshe ke mokgatlho o o ikemetseng wa bosetšhabatšhaba e e ineetseng go tlhabolola boemo jwa lefatshe ka go tsaya karolo mo kgwebong, sepolotiki, thuto le baeteledipele ba setšhaba go bopa morero wa lefatshe, tsa didika le tsa dintasetiri.
Pontsho ya tsa Boitekanelo ya Aforika le konkerese e tla sibololwa Motsheganong kwa lefelong la Johannesburg Expo, Nasrec, Aforika Borwa. Boitekanelo moAforika bo tlaa neelana ka bogolo malatsi a le 3 a pontsho le konkerese go tlhagisa ditlhogo tse di namileng tse di amanang le tlhokomelo ya boitekanelo mo Aforika, mme e tla ngoka diketekete tsa diporofešenale tsa boitekanelo go tswa kwa sedikeng le go dikologa lefatshe go fitlha mo mabating a bona.
Mo go ketekeng Letsatsi la Aforika, go tloga ka di 27 - 29 Motsheganong, Gauteng e tlaa itumelela moletlong ya mafelo a beke e e bidiwang Sanaa Aforika, Mowa wa Mokete o tlaa apesa pelo ya moretheto le mowa o o matlhagatlhaga o o ka go tshwara nngwe ya botaki jo bo itumedisang, jo bo monate, mmino le go feta.
<fn>Hansards. Announcements.tn.txt</fn>
Dikemedi tsa bobegakgang tse di nang le tumelelo di tshwanetse go tsaya maemo a tsona ka go latelana ga tsona ka 17:30.
Dikemedi tsa bobegakgang tse di nang le tumelelo di tshwanetse go tsaya maemo a tsona ka 17:30.
Dikemedi tsotlhe tsa bobegakgang tse di nang le tumelelo di a bitswa go tsaya maemo a tsona jaanong.
Dikemedi tsotlhe tsa bobegakgang di tshwanetse tsa bo di le mo bonnong ba tsona jo di bo neetsweng jwa Puo ya Pulo ya Palamente.
Maloko a Palamente le baeng ba kopiwa go kgabaganya tapeiti e khibidu le go tsaya manno a bona mo phaposing mo go neelwang puo mo go yona le mafelo a mangwe a a tlhophilweng ka gonne tapeiti e tla tswalwa mo metsotsong e le 15.
Maloko a Palamente le baeng ba kopiwa go kgabaganya tapeiti e khibidu le go tsaya manno a bona mo phaposing le manno a a tlhophilweng ka gonne tapeiti e tla tswalwa mo metsotsong e le 10.
Maloko a Palamente le baeng ba kopiwa go kgabaganya tapeiti e khibidu le go tsaya manno a bona mo phaposing le manno a a tlhophilweng ka gonne tapeiti e tla tswalwa mo metsotsong e le 4.
Maloko a Palamente le baeng ba kopiwa go kgabaganya tapeiti e khibidu le go tsaya manno a bona mo phaposing le manno a a kgethilweng ka gonne tapeiti e tla tswalwa jaanong.
Bomme le borre, tapeiti e khibidu e tswaletswe semmuso. Ga go ope yo o letleletsweng go kgabaganya tapeiti e khibidu.
Bomme le borre, tapeiti e khibidu e tswaletswe semmuso jaanong. Ga go ope yo o letleletsweng go kgabaganya tapeiti e khibidu.
Bomme le borre, tapeiti e khibidu e tswaletswe semmuso. Ga go ope yo o letleletsweng go kgabaganya tapeiti e khibidu.
Maloko a Palamente le baeng ba kopiwa go namela dibese mo Plein Street go ya CTICC. Tsweetswee le kopiwa go tlhagisa dikopo tsa taletso mo lefelong le go amogelwang baeng mo go lona fa le namela dibese.
Maloko a Palamente le baeng ba kopiwa go namela dibese mo Plein Street ka bonako jo bo kgonegang go ya CTICC. Tsweetswee le kopiwa go tlhagisa dikopo tsa teletso mo lefelong le go amogelwang baeng mo go lona fa le namela dibese.
Maloko a Palamente le baeng ba kopiwa go namela dibese mo Plein Street ka bonako jwa legadima go ya CTICC.
<fn>Hansards. FlyerSetswanaEdDoc.2010-06-10.tn.txt</fn>
Kokoano Bosetšhaba e tlhomile Komiti ya Nakwana go dira tiro ya tekolo e e rulagantsweng ka ga thebolo ya ditirelo mo tlase ga setlhogo. "Tirisanommogo go netefatsa thebolo ya ditirelo mo setšhabeng". Tiro ya Komiti ke go batlisisa tswelelopele ka ga thebolo ya ditirelo le gore dikgwetlho ke dife kwa mafelong a go nnileng le dikhuduego go ba kgontsha go kwalela Kokoano Bosetšhaba pegelo e e tlhaloganyesegang, ditshitshinyo tse di fitlhelesegang le tsenyotirisong ya leano.
Go fitlha ga jaana Komiti e tsere maeto a a rulagantsweng go ya kwa metsemagaeng le kwa ditoropong le go tshwara ditheetso tsa setšhaba mo Palamenteng le kwa diporofenseng. Ditheetso tsa setšhaba mo Palamenteng di tshwerwe ka 2- 4 Tlhakole 2010.
Ka nako ya maeto a go ya kwa diporofenseng, Komiti e tla lekola ditsha, e kopane le setšhaba, badiredi ba pusoselegae, badiredi ba mafapha a diporofense, dikomiti tsa diwate, mekgatlho ya setšhaba le borrakgwebo. Ditheetso di tla tshwarwa ka 17-21 Motsheganong 2010 mo diporofenseng di le tharo.
<fn>Hansards. GautengAdvertPamphlets.tn.txt</fn>
Tšhata ya tsa Meepo e tlhomilwe go ya ka melawana ya karolo 100 ya Molao, No 28 wa 2002 wa Diminerale le Tlhabololo ya Didiriswa tsa Petoroliamo (MPRDA).
Lefapha la Didiriswa tsa Diminirale le ne mo malobeng la lebašeswa Tšhata ya tsa Meepo. Tebosešwa e ne lebelela dielemente tse di farologaneng tsa tšhata ya tsa meepo go tsenyeletsa le go nna mong, theko le go amogela tirelo le tlhabololo ya kgwebo, kaonafatso, tekatekano thapo le tlhabololo ya didiriswa tsa setho.
Mo go tsamaisaneng le maikaelelo a magolo a Palamente a go tsamaisa botsaakarolo jwa setšhaba, Komiti ya Palamente ya Didiriswa tsa Diminerale (Komiti) e tla bo e tshwere Ditheetso tsa Setšhaba ka ga dipholo tsa tebosešwa ya Tšhata ya bogologolo ya tsa Meepo ka ga Tšhata ya tsa Meepo e ntšhwa kwa Carlentonville (go tla netefatswa lefelo), Porofense ya Gauteng, 30 Mopitlwe 2011. Komiti e ka rata thata go kopana le Dikhampani tsa meepo, badiri ba meepo, mekgatlho ya tsa badiri le baagi ba ba dikologileng dikhampani tsa meepo.
Dintlha tsa kgolagano: Mog (021)403-3751 sele 083 709 8520 kgotsa 083 966 7720 aterese ya emeile (nskaka@parliament.gov.za) kgotsa (vmfuniselwa@parliament.gov.za); Fekese: 086 619 9194.
<fn>Hansards. GreenLight.tn.txt</fn>
Palamente ya Rephaboloki ya Aforika Borwa e tlhamile Pholisi ya Botsamaisi jwa Matlakala, jaaka karolo ya leano le le tsamaisang le go laola lefelo la tiro le le manontlhotlho ebile le babalesegile.
Molaotheo o bolela gore batho ba Aforika Borwa ba na le tshwanelo ya tikologo e e seng kotsi mo maphelong kgotsa mo itekanelong ya bona. Seno se akaretsa tshireletso ya tikologo ka melao e e tlhaloganyesegang le ditsela tse dingwe go thibela kgotlhelego le phelo ya dimela, go tsweletsa poloko ya tlhago, le go tlhabolola tikologo e e babalesegileng e bile e kgona go tswelapele. Re ka kgona go dirolola dingwe tsa ditshenyego tse polanete ya rona e di itemogetseng fa rotlhe re ka tsaya matsapa go dira pharologano.
Palamente e itlamile go netefatsa boitekanelo le pabalesego ya maloko le badiri ba Palamente le batho botlhe ba ba dirang ka semolao kgotsa ba ba tsenang mo tikologong ya yona. Setheo se ikaeletse go tshola tikologo ya Palamente e le mo seemong se se siameng go ka neela ka tikologo e e babalesegileng e bile e itekanetse gore go ka dirwa mo go yona, le go nna malalaotswe mo go laoleng dikotsi tsa tikologo mo lefelong la tiro.
Molao o o jaaka Molao wa Pabalesego le Boitekanelo mo Tirong(OHSA) o tlama Palamente go neela le go tshola jaaka go ka kgonagala lefelo la tiro le le babalesegileng le sa bake dikotsi mo maphelong a badiri ba yona. Go solofelwa gore badiri ba tla dirisana le mothapi go netefatsa gore ditlhokego tsotlhe tsa Molao di a diragadiwa. Palamente e na le maikarabelo a go neela ka tsiboso magareng ga badiri botlhe ba yona ka ga botlhokwa jwa go boloka tikologo le botsaakarolo le maikarabelo a bao ba thusang.
Palamente e tlhamile leano le le utlwalang go laola tikologo ya lefelo le le nonofileng la tiro mme e bile le bolokesegile, go akaretsa go tlhabololwa ga Pholisi ya Botsamaisi jwa Matlakala.
Maikaelelo a pholisi ke go neela ka letlhomeso la thebolo ya ditirelo le le tshwarelelang, le lekalekana e bile le kgonagala go badiri le setšhaba mo tikologong ya Palamente. Pholisi e ikaelela go netefatsa gore didiriswa tsa matlakala di latlhiwe ka tsela e e babalesegileng go fokotsa kgotlhelego, go oketsa tirisosešwa le go netefatsa gore matlakala a a dirilweng go tswa mo Palamenteng a tsholwa go ya ka dikaedi tseo di leng mo go yona.
Palamente e tsweletsa tiriso ya mabone a a bolokang motlakase gore e tle e fokotse kgotlhelego, go boloka motlakase le ditshenyegelo. Mabone a a bolokang motlakase a dirisiwa go bonesa mo mafelong otlhe a botlhe le mo diferwaneng tsa Palamente.
"Matlakala" go kaiwa selo se sengwe le se sengwe, e ka nna sa gase, seedi kgotsa se se thata kgotsa e ka nna tse di tlhakantsweng, eo e leng gore nako le nako e tlhophiwa ke Tona ya Bosetšhaba ya Merero ya Tikologo le Boeti ka kitsiso mo Lekwalodikgang la Puso.
Matlakala a a omileng a kokoanngwa tsatsi le letsatsi mo dikgetsing tsa polasitiki tse di bonalang le mo ditshoding go tswa mo mafelong otlhe le go isiwa kwa lefelong la go a tshola le le ka fa molaong.
Matlakala a tsa bongaka a beiwa mo ditshoding tsa polasitiki tse di magareng tsa mmala o o serolwana le go tloswa ke moneela ditirelo yo o nang le konteraka ya go dira jalo nako le nako, kgotsa fa go tlhokega.
Dipeipi tsotlhe tse di sa tlholeng di dira tsa foloresente di a tsewa go ya go lefelong la go tshwatlela gore di senngwe ka mokgwa o o babalesegileng.
Dikhemikhale di beiwa mo phaphosing e e notletsweng go thibela tiriso e e sa letlelelwang. Dikhemikale tsotlhe di tshwanetse go beewa mo ditshoding tse di supilweng, mme dikhemikale tsa selekanyo se se nnye tse di kotsi di tshwanetse go tshwaiwa ka go kwadiwa ka nepagalo.
Moneela ditirelo o tlosa ka bonako jo bo kgonagalang disilintara tsa gase tse di sa direng mo tikologong le go netefatsa gore disilintara di latlhiwa go ya ka ditlhokego tsa molao, go thibela kotsi ya go e dirisa gape.
Palamente e ntse e akanya go reka ditshodi tsa tirisosešwa tebang le oli e e apayang e e dirisitsweng eo e ka fetolelwang go nna tisele. Go lebelelwa tlase tiriso ya go latlhela oli e e apayang mo meseleng ya metsi a pula.
Palamente e batla moneela ditirelo yo mošwa go tlosa matlakala a pampiri le go a dirasešwa. Dikantoro tsotlhe tsa Palamente di tla neelwa mabokoso a a tsenyang matlakala a kokoantsweng a dipampiri. Mabokoso ano a tla tsewa beke le beke.
Tiragatso e nngwe le e nngwe ya go sireletsa tikologo ya rona, go boloka motlakase le go fokotsa matlakala e a thusa. Ke maikarabelo a loago a baagi botlhe ba Maaforika borwa, go akaretsa le maloko le badiri ba Palamente go boloka tikologo ya rona tebang le losika la isago le go tsweletsa setso sa tlhabololo e e tswelelang.
<fn>Hansards. HowTheBudgetWorksForUs.tn.txt</fn>
Tekanyetsokabo ke eng?
Tekanyetsokabo ke leano le le bontshang gore go nnile le letseno le le kae e bile le dirisitswe jang mo nakong e neng e beetswe. Jaaka batho re dira maano a mantsi ka ga letseno le tiriso ya madi a rona. Go dira tekanyetsokabo go botlhokwa ka gonne le fa e le gore re batla go reka dilo di le dintsi, re dula re sena madi a mantsi go ka di reka. Ka jalo seo se kaya gore re batla go le gontsi fela re na le didiriswa tse dinnye go ka bona tseo re di batlang. Tekanyetsokabo e ka ga kgwebisano le go tlhopha gore re dirisa madi jang. Fa re reka sengwe, re tshwanela go tshela ntle le se sengwe.
Puso e dira jang Tekanyetsokabo ya yona?
Ka yone tsela eo, Puso e nna le ka go itlhophela. Ditheo tsa puso di tshwanela go lekanya didiriswa tse di leng teng le ditlhoko tsa batho. Tekanyetsokabo e direlwa ditlhokego tse di sweditsweng tsa ngwaga. Tekanyetsokabo ya bosetšhaba e neelana ka tekanyetso ya letseno le tiriso ya madi e Puso e e solofetseng mo ngwageng wa ditšhelete, go tloga 1 Moranang wa ngwaga go ya go 31 Mopitlwe wa ngwaga o latelang. Tekanyetsokabo ya bosetšhaba ga e tshwane le tse dingwe, ka gonne e bontsha gore madi a tlile go dirisiwa jang, e bile e neelana ka dintlha tsa gore madi a tlile go kokoanyiwa jang go ka thusa puso go a dirisa.
Puso e kokoanya jang madi?
Letseno le legolo la Puso ke lekgetho. Lekgetho ke dituelo tse di duelwang go Moamogedi wa Lekgetho ke batho, dikgwebo le ditheo tse di tshwanelang go duela lekgetho. Ditirelo tsa Lekgetho tsa Aforika Borwa (SARS) e na le maikarabelo a go kgobokanya letseno. Go na le mefuta e farologaneng ya lekgetho. Puso e bona lekgetho le le ntsi go tswa go letseno la batho. Mongwe le mongwe mo nageng yo amogelang letseno le le rileng o tshwanela go duela lekgetho go puso. Lekgetho le, le itsagale e le lekgetho la letseno. Mefuta e mengwe ya makgetho a tsenyeletsa Lekgetho-Thekiso (VAT) le lekgetho la dithoto tsa fa gae. Bontsi jwa batho bo setse bo utlwile ka ga VAT, le gore dithoto dingwe ga di na VAT. Ka fa seatleng se sengwe, ka dinako dingwe lekgetho la tlaleletso le tsengwa go dithotho tsa monate. Lekgetho le, le bidiwa "lekgetho la motsoko le bojalwa". Molaotheo o kaya mokgwa o o Moporesitente a tshwanelang go laola letseno. Letseno lengwe le lengwe le naga e le bonang le tsenyiwa go akhaontong ya Exchequer. Moalo wa Palamente o tlhoka go dirisiwa fa go gogiwa madi mo akhaontong ena. Tekanyetsokabo nngwe le nngwe e tshwanela go nna le letlhakore la tiriso ya madi le letseno.
Tekanyetsokabo e dira jang?
Tekanyetsokabo ya naga e arotswe ka Letseno le Tiriso ya madi, Tlhaelo pele ga Kadimo ya madi le Sekoloto sa Setšhaba. Letseno le Tiriso ya madi di itsagale gape e le Akhaonto ya Lekgetho ya Naga. Tekanyetsokabo ya Naga e simolola ka tiriso ya madi le fa e le gore ditekanyetsokabo tse dingwe di simolola ka letseno. Pharologano gareng ga letseno le tiriso ya madi e itsagale e le tlhaelo kgotsa go feta peelo. Tlhaelo e diragala fa Puso e ikaelela go ka dirisa madi go feta ao e ka a kokoanyang ka lekgetho. Sekoloto sa setšhaba se diragala fa puso e adima madi fa gae kgotsa kwa ntle (moseja) go thusa tiriso ya madi ya yona. Fa letseno le feta tiriso ya madi, sekao, fa lekgetho la batho le kokoanyiwa go feta ka foo go neng go lebeletswe, go nna le lekgetho le le fetang peelo.
Tekanyetsokabo e rulaganyiwa dikgwedi di le 14. Seno se kaya gore ka nako e go neelanwang ka Tekanyetsokabo ya monongwaga kwa Palamenteng, Tekanyetsokabo ya ngwaga o latelang e setse e na le dingwedi tse pedi e ntse e rulaganyiwa. Mafapha a a farologaneng a nna le seabe mo tekanyetsong ya tekanyetsokabo. Ba romela ditekanyetso tsa bona le mabaka go Kantoro Kgolo e maleba. Kantoro Kgolo e tla be e dira khutsafatso e be e e romela go Lefapha la Matlotlo. Lefapha la Matlotlo le dira khutsafatso e bontshang tiriso ya madi ya mafapha a farologaneng. Bokaedi jwa Lekgetho jwa ka fa gare ga naga le Bokaedi jwa Melelwane le bona bo dira tekanyetsokabo e ba e romelang go Lefapha la Matlotlo. Tona ya Matlotlo le Mmusisi wa Banka ya Resefe ba kopana go ka buisana ka ga ditekanyetso tsa tekanyetsokabo. Puisano e tlile go tshosomediwa ke mabaka a sepolotiki, ikonomi le matlotlo. Motsamaisi Kakaretso wa Matlotlo o rulaganya tekanyetsokabo.
Ka gale ka Tlhakole, ngwaga le ngwaga, Tona ya Matlotlo e neelana ka Puo ya Tekanyetsokabo kwa Palamenteng. Morago ga foo go buisanwa ka tekanyetsokabo kwa Palamenteng. Ditona tsa Khabinete di tlhoka go neela mabaka a tiriso ya madi a mafapha a bona. Puo ka gale e latela tsamaiso e sa fetogeng. E simolola ka go lebisisa dipholo tsa ditšhelete tsa ngwaga o fetileng, go bo go lebelelwa tsa ngwaga o latelang wa ditšhelete. E bontsha ka foo ditekanyetso tsa letseno le tiriso ya madi di tlileng go lekanyiwa. Ke molao o tlhagelelang mo Molaotheong wa rona wa temokerasi wa gore Puso e ka dirisa madi go latela tetla ya Palamente. Tekanyetsokabo e tsholiwa jaaka molao mongwe le mongwe o tshwanelang go dumelwa ke Palamente pele o nna mo tirisong. Morago ga Puo ka Tona, Maloko a Palamente a buisana ka tekanyetsokabo ba bo ba tlhopha gore a ya ganediwa kgotsa ya dumelwa. Morago ga ngangisano ya tlhopho ya tekanyetsokabo nngwe le nngwe, Dintlo tsa Palamente ka Bobedi di tshwanela go tshwara ditlhopho tsa yona. Fa tekanyetsokabo e amogelwa, lefapha le le rileng le ka neelwa tetla ya go dira lenaneo la lona la ditšhelete.
Tekanyetsokabo le Tebelelo?
Kgobokanyo ya lekgetho le tiriso ya madi e tshwanela go laolwa go netefatsa gore madi a dirisiwa go ya ka maikaelelo a Palamente. Morunikakaretso o begela Palamente gore a ditaelo tsa tiriso ya madi di latetswe. Tekanyetsokabo ke sediriswa se se botlhokwa sa pholisi le sa tebelelo, moo e leng gore puso e nna le maikarabelo a gore madi a dirisiwa jang.
<fn>Hansards. JusticeBill.2009-04.tn.txt</fn>
Go tlhoma mokgwa wa tsamaiso ya bosiamisi e e malebana le bana, ba ba kgatlhanong le molao mme ba latofadiwa ka ditlolomolao, go ya ka fa mokgweng o o botlhokwa wa go tshegetsa Molaotheo le maitlamo a boditšhabatšhaba a Rephaboleki; go neelana ka selekanyo sa bonnye jwa dingwaga tsa go nna le kitso ya bosenyi mo baneng; go neelana ka mokgwa wa go sekisa bana ba ba se nang kitso ya bosenyi, o o sa diriseng tsela ya tsamaiso ya bosiamisi kgatlhanong le bosenyi; go tlhoma dithulaganyo tse di itlhaotseng tsa go bona gore bana ba ba jalo ba ya kwa kgotlatshekelo le go ba golola kgotsa go ba tlhatlhela le go ba baya mo lefelong le le rileng; go tlhoma thulaganyo ya tshekatsheko ya bana; go dira dithulaganyo tsa go tshwarwa ga dipatlisiso pele ga tsheko le go akaretsa mokgwa o o botlhokwa wa go faposa tsheko mo tseleng e e tlwaelegileng ya tsamaiso ya bosiamisi kgatlhanong le bosenyi, mo mabakeng a a tshwanetseng; go dira dithulaganyo tsa dikgotlatshekelo tsa bosiamisi tsa bana tse di tla reetsang ditsheko tsotlhe tsa bana ba dikgetse tsa bona di sa faposiwang mo tshekong; go oketsa ditsela tse di leng teng tsa kotlhao tsa bana ba ba bonweng molato; go tlhoma mokgwa wa kakanyo e e seng bonolo ya go fetolwa ga tiragatso ya bosiamisi mo tsamaisong ya bosiamisi kgatlhanong le bosenyi mabapi le bana ba ba tlotseng molao; le go dira ka dikgetse di tshwana le tsona.
neelano ka methalethale ya dikatlholo tse di maleba tse di siametseng ditlhokego tsa bana.
"botsereganyi magareng a motswa-setlhabelo le motlola-molao" go tewa tsamaiso e e kailweng mo go molawana wa 62.
go rotloetsa tirisano-mmogo fa gare ga mafapha a puso, le fa gare ga mafapha a puso le a e seng a puso le setšhaba, go netefatsa kopano e e feletseng mo go diragatseng Molao ono.
Ditlamorago tsotlhe tse di tlhagelelang ka ntlha ya tlolo-molao e e dirilweng ke ngwana, di tshwanetse go nna maleba le maemo a ngwana, mofuta wa tlolo-molao le dikgatlhegelo tsa setšhaba.
Ngwana ga a tshwanelwa go tshwarwa ka tsela e e makgwakgwa go feta ka fa mogolo a neng a ka tshwarwa ka teng fa a ne a le mo maemong a jaalo.
Ngwana mongwe le mongwe, ka fa go kgonegang ka teng, o tshwanetse go newa tšhono ya go tsaya karolo mo tsamaisong nngwe le nngwe, segolo-thata tsamaiso e e seng ka fa thulaganyong ebile e le ya dipotsolotso, go ya ka Molao ono, fa e le gore go ka tsewang ditshweetso tse di mo amang.
Ngwana mongwe le mongwe go tshwanetswe ga buisanwa le ene ka mokgwa o o tshwanetseng dingwaga le kgolo ya tlhaloganyo ya gagwe mme go tshwanetswe ga buiwa le ene ebile a letlelelwe go bua ka puo ya tlhopho ya gagwe, ka go dirisa toloki, fa go tlhokagala.
Ngwana mongwe le mongwe o tshwanetswe go tsholwa ka mokgwa o o akanyang ka ga boleng jwa setso le ditumelo tsa gagwe.
Ditsamaiso tsotlhe go ya ka ga Molao ono, di tshwanetswe go diriwa le go konosediwa kwa ntle ga tiegiso e e sa tlhokagaleng.
Batsadi, bagolo ba ba tshwanetseng le batlhokomedi ba ngwana ba semolao, ba tshwanetse go kgona go thusa bana mo tsamaisong, go ya ka mabaka a Molao ono, mme fa go kgonega, le go tsaya karolo mo ditshweetsong tse di ba amang.
Ngwana yo a tlhokang tshegetso ya ka fa lelapeng kgotsa ditšhono tsa thuto le tiro, o tshwanetse go nna le phitlhelelo e e tshwanang le ya botlhe, ya ditirelo tse di leng teng mme go tshwanetswe ga dirwa ka gotlhe go netefatsa gore bana ba tsholwa ka go lekana fa ba tlotse molao.
Ditshwanelo le maikarabelo a bana tse di leng ka fa didirisong tsa boditšhabatšhaba le tsa sedika, go ya ka Kopano ya kwa United Nations e e ka ga Ditshwanelo tsa Ngwana le Setatamente (Charter) sa Aforika ka ga Ditshwanelo le Itekanelo ya Ngwana.
a le dingwaga di le 18 kgotsa go feta, fela a le ka fa tlase ga dingwaga di le 21 ka nako e go buiwang ka ga ene mo go molawana wa (1)(b), a ka ntsha taelo ya gore kgetse e reediwe go ya ka molawana wa 5(2) go fitlha go (4).
(a) Molao wa Tsamaiso ya Bosenyi o a diragadiwa mme ka diphetogo tse di ka tlhokegang go ya ka tlhaloso, mo go motho mongwe le mongwe yo a umakiwang mo go molawana ono, kwa ntle fela ga fa Molao ono o letlelela phetolo, tlaleletso kgotsa tumelelo kgotsa ditsamaiso mo lobakeng lwa motho yo o jalo.
Mo lobakeng lwa temana ya (a), Setlhopha sa 5 sa ditlolo-molao tsa Molao ono, e e seng karolo ya Molao ono, ga e na dithata ka fa molaong, mme e tshotse tlhaloso e e feleletseng ya kopano le kamego ya Molao wa Tsamaiso ya Bosenyi le Molao ono.
Ngwana mongwe le mongwe yo o latofadiwang ka tlolo-molao mme a le ka fa tlase ga dingwaga di le 10, o tshwanetswe go romelwa kwa go modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, gore a sekisiwe go ka molawana wa 9.
Ngwana mongwe le mongwe yo o dingwaga di le 10 kgotsa go feta, yo a latofadiwang ka tlolo-molao mme a tshwanetse go tlhagelela kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko mabapi le tlolo-molao eo, pele ga go tlhagelela lwa ntlha kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, o tshwanetse go sekasekiwa ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, kwa ntle ga fa tshekatsheko e dirilwe go ya ka molawana wa 41(3) kgotsa 47(5).
kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko go ya ka Kgaolo ya 7.
Kgetse nngwe le nngwe e e sa faposiwang mo tshekong go ya ka temana ya (a), e tshwanetse, kwa ntle ga fa kgetse e tsholotswe kgotsa e fetiseditswe kwa kgotlatshekelo ya bana, ya fetisediwa kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana gore a ikarabele mo tatofatsong le go sekiwa ga kgetse go ya ka Kgaolo ya 9.
Kgetse mabapi le ngwana yo a umakiwang mo temaneng ya (b), pele ga gore motšhutšhisi a tswalele kgetse ya gagwe, e ka fetisediwa kwa phaposong ya kgetse pele ga tsheko ke kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana go ya ka Kgaolo ya 9.
Fa ngwana a latofadiwa ka ditatofatso tse di fetang e le nngwe tse go tlhalosiwang ka tsona mo tsamaisong ya bosinyi, tlolo-molao e e leng yona e e masisi e tshwanetse go nna kaedi ya gore go tsewe dikgato tse di ntseng jang ka ngwana go ya ka Molao ono.
Fa ngwana a latofadiwa ka ditatofatso tse di fetang e le nngwe tsa tlolo-molao tse di sa tsamaisaneng mo tsamaisong ya bosenyi, molawana wa (2) ga e dirisiwe.
Ngwana yo o tlolang molao a santse a le ka fa tlase ga dingwaga di le 10, ga a na kitso ya bosenyi mme ga a kitla a sekisediwa tlolo-molao eo, mme o tshwanetse go sekisiwa go ya ka molawana wa 9.
Ngwana yo a leng dingwaga di le 10 kgotsa go feta mme a le ka fa tlase ga dingwaga di le 14 mme a dira tlolo-molao, o tsewa a sena kitso ya bosenyi go ya ka molawana wa 11.
Molao o o sa kwadiwang mo dibukeng tsa molao o o mabapi le go nna le kitso ya bosenyi wa bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 14, o a fetolwa jaaka go tlhalosiwa mo molawaneng ono.
Go tlhotlhomisa bonnye jwa dingwaga tsa go nna le kitso ya bosenyi jaaka bo tlhalosiwa mo go molawana wa 7 bo tshwanetse go okediwa, maloko a Kabinete a a nang le maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi, a tshwanetse gore mo lobakeng lo lo sa feteng dingwaga di le tlhano morago ga go tsenngwa tirisong ga molawana ono, a neele Palamente ripoto, jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 96(4) le (5).
fa motsadi a se teng, kwa go mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao fa a le teng, mme fa go se ka fa dikgatlhegelong tsa ngwana gore a neelwe motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša, o tshwanetse go itsise modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong.
Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, yo o amogelang kitsiso go tswa kwa mapodising go ya ka karolo ya molawana wa (1), o tshwanetse go sekaseka ngwana go ya ka se se umakiwang ke Kgaolo ya 5 e e dirisiwang mo baneng ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 10, ka bonako jo bo ka kgonegang mme fela e se ke ya nna morago ga malatsi a le 7 morago ga go itsesiwe.
go tsaya tshweetso ya go tsee dikgato.
Kgato nngwe le nngwe e e tsewang ka fa tlase ga temana ya (a) ga e kae gore ngwana o na le maikarabelo a tiragalo e e dirileng gore go diriwe tshekatsheko.
go kwala togamaano e e tshwanetseng ngwana le mabaka a a tshwanetseng.
go tlhalosa maikarabelo a ngwana le a motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao.
Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, o tshwanetse go kwala, ka go fa mabaka, ditlamorago tsa tshekatsheko le tshweetso e e dirilweng go ya ka karolo ya molawana wa (3) ka fa go tlhokegang ka teng.
Fa ngwana a sa latele nngwe ya ditaelo tse a di filweng go ya ka molawana ono, go akaretsa go se latele togamaano e e kwadilweng e e umakiwang mo karolong ya molawana (4)(b), modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, o tshwanetse go fetisetsa kgetse kwa kgotlatshekelo ya bana gore go tle go tsewe dikgato kgatlhanong le ene go ya Kgaolo ya 9 ya Molao wa Bana.
fa e le gore kitso ya bosenyi e ka se supiwe go ya ka molawana wa 11, a ka laela gore ngwana a isiwe kwa go modiredi wa tsamaiso e e letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, gore a sekisiwe go ya molawana wa 9.
Puso e tshwanetse go supa kwa ntle ga pelaelo epe gore ngwana yo o nang le dingwaga di le 10 mme a le ka fa tlase ga di le 14, o na le kitso ya go kgona go farologanya molemo le bosula le gore ka nako e a neng a itlhophela go dira se a se dirileng, o ne a na le kitso e e jalo.
fa kgetse e ise e faposiwe mo tshekong, kgotlatshekelo ya ngwana, mo lobakeng lwa go ikarabela mo tatofatsong le tsheko, e tshwanetse go akanya ka ga ripoto ya tshekatsheko e e dirilweng ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, e e umakiwang mo go molawana wa 40, mmogo le bopaki jotlhe jo bo tlisitsweng fa pele ga magiseterata yo o dirang dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, pele kgetse e faposiwa mo tshekong kgotsa pele ga go bonwa molato, go ya ka se se ka diragalang pele, mme bopaki e ka nna jo bo akaretsang ripoto ya tshekatsheko e e kailweng mo karolong ya molawana wa (3).
Magiseterata yo o dirang dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, ka fa kopong ya motšhutšhisi kgotsa mmueledi wa ngwana wa semolao, e ka laela gore go dirwe tshekatsheko ya kitso ya bosinyi mabapi le ngwana yo o umakiwang mo karolong ya molawana wa (1), ka tsela e e tshwanetseng, e dirwe jalo ke motho yo o letleletsweng, mme e tshwanetse go akaretsa tshekatsheko ya bokgoni jwa go akanya, maitsholo a go itse molemo le bosula, maikutlo, tlhaloganyo le maemo a ngwana mo setšhabeng.
Fa taelo e dirilwe ke magiseterata yo o dirang diplatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana go ya ka fa karolong ya molawana wa (3), motho yo o tlhophilweng go dira tshekatsheko ya ngwana, o tshwanetse go neela magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, ripoto e e kwadilweng ya tshekatsheko ya ngwana mo malatsing a le 30 go tloga ka letlha la taelo.
Fa magiseterata yo o dirang dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e fitlhela gore kitso ya bosinyi ya ngwana ga e a kgona supiwa kwa ntle ga pelaelo, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi jwa ngwana, fa go le ka fa dikgatlhegelong tsa ngwana, e ka laela gore ngwana a isiwe kwa go modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, go tsaya dikgato dingwe go ya ka molawana wa 9.
kgololo kgotsa tlhatlhelo go ya ka Kgaolo ya 4, segolo-bogolo molawana wa 27 o o mabapi le ditlhopho tsa go bewa mo lefelong le le rileng kgotsa mo tlhokomelong ya motho yo o rileng pele ngwana a tlhagelela kwa lefelong le go dirwang dipatlisiso kwa go lone, go fitlha modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong kgotsa ngaka e tlhagisa kakanyo ya yona ka ga dingwaga tsa motho yoo, kgotsa go fitlha maiteko a go tlhotlhomisa dingwaga tsa motho yoo kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, mme morago ga foo lepodisi le tshwanetse go tshola motho go ya kakanyo kgotsa tlhotlhomiso.
Fa, ka nako ya tshekatsheko ya ngwana go ya ka Kgaolo ya 5, dingwaga tsa ngwana, ka nako ya fa a dira tlolo-molao, di sa netefadiwe, modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, o tshwanetse go lekanyetsa digwaga tsa ngwana mme a tlatse foromo e e jalo.
Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, o tshwanetse go neelana ka tekanyetso ya dingwaga mo foromong e e diretsweng seo, mmogo le dikwalwa dingwe le dingwe tse di tsamaisanang le tsona, kwa go magiseterata yo o dirang dipatlisiso pele ngwana a tlhagelela kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko.
Fa go ka tlhagelela bokapi jo bo leng kgatlhanong le joo, ka nako nngwe le nngwe pele ga katlholo, tekanyetso ya dingwaga e e dirilweng ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go kwa kgolegelong, go ya ka molawana ono, e ka fetolwa mme ga kwalwa tekanyetso nngwe ya dingwaga.
Fa, ka nako ya dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa ka nako ya tsheko kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, dingwaga tsa ngwana ka nako e a dirang tlolo-molao ka yona di sa netefadiwe, moreetsa-kgetse o tshwanetse go dira maiteko a go tlhotlhomisa dingwaga tsa ngwana.
fa go tlhokega, a romela ngwana kwa go ngaka, mokgwa o o matshwanedi, gore e lekanyetse dingwaga tsa gagwe.
(3)(a) Moreetsa-kgetse o tshwanetse go tsenya dingwaga tse di tlhotlhomisitsweng go ya ka karolo ya molawana wa (1), mo rekotong ya tsheko, go nna tsona dingwaga tsa ngwana.
Fa go ka tlhagelela bopaki jo bo kgatlhanong le seo, moreetsa-kgetse o tshwanetse a fetola rekoto gore e supe dingwaga tse di siameng.
fa go tlhokagala, e fetole rekoto gore e supe dingwaga tse di siameng tsa motho yoo, go ya ka ga molawana wa 16, o o dirang le ka diphetogo tse di tlhokegang go ya ka fa tirisong.
ka "Criminal Procedure Act", fa go fitlhelwa gore motho yo ke mogolo, kwa ntle ga fa go diragadiwa molawana wa 4(2).
Go ya ka karolo ya molawana wa (1), fa moreetsa-kgetse a akanya gore phoso e e ka ga dingwaga ga e a tlhola ditlamorago tse di sa siamelang motho ka nako ya tsheko, moreetsa-kgetse o tshwanetse go tswelapele ka tsheko go ya ka ga Molao ono, ka fa dingwageng tsa gagwe, jaaka di fetotswe.
go tshwarwa, jaaka go umakiwa mo go molawana wa 20.
Fa mabaka a letla, lepodisi le tshwanetswe go tsaya kgakololo go tswa go Molaodi wa Botšhutšhisi jwa Setšhaba kgotsa motšhutšhisi gore a ngwana o tshwanetse go tlhagelela kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa nnyaya, mme fa go le jalo, ngwana o tshwanetse go tlhagelela ka tsela e e jang.
Mo lobakeng la ngwana yo o latofadiwang ka tlolo-molao e e umakiwang mo Setlhopheng sa 1 sa ditlolo-molao, lepodisi le ka naya ngwana kitsiso ka lekwalo go ya ka molawana wa 56 wa "Criminal Procedure Act", o o fetotsweng ke molawana ono mabapi le bana, le le kopang ngwana go tlhagelela kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko.
Molawana wa 56(1)(c) wa "Criminal Procedure Act" o o tlhalosang ka ga go dumela molato le tuelo ya faene, ga o dirisiwe mo lobakeng lwa lekwalo la kitsiso go ya ka Molao ono.
(a) Lekwalo la kitsiso le tshwanetse go tlhalosa letlha, nako le lefelo le go tla tshwarelwang dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, kwa go lone, mme le tshwanetse go newa ngwana, motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, a le teng, mme ngwana le motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, ba tshwanetse go netefatsa gore lekwalo le amogetswe ka go saena kgotsa go dira letshwao.
Mo mabakeng a a sa tlwaelegang, fa go sa kgonegeng teng gore ngwana a neelwe lekwalo la kitsiso, fa, motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao a se teng, lekwalo la kitsiso le tshwanetse go newa ngwana mme e re ka bonako jo bo ka kgonegang, khophi e newe motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, mme ngwana mmogo le motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, ba tshwanetse go netefatsa gore lekwalo le amogetswe ka go saena kgotsa go dira letshwao.
morago fela, mme e seng morago ga diura di le 24 morago ga go neela ngwana lekwalo la kitsiso, a itsise modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong.
Procedure Act, yo o tshwanetseng go tlhagelela kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, e tshwanetse go tlhagisa letlha, nako le lefelo le go tla tshwarelwang kwa go lone dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko.
(a) Tagafara e tshwanetse go fiwa ngwana mme motsadi wa gagwe, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, a le teng, mme ngwana le motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, o tshwanetse go netefatsa gore tagafara e amogetswe ka go saena kgotsa go dira letshwao.
Mo mabakeng mangwe a a sa tlwaelegang, fa go sa kgonegeng gore ngwana a newe tagafara fa pele ga motsadi wa gagwe, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao a le teng, ngwana o tshwanetse go newa tagafara mme khophi ya tagafara eo, fa mabaka a letla, e tshwanetse ya newa motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, mme ngwana mmogo le motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, ba tshwanete go netefatsa gore tagafara e amogetswe ka go saena kgotsa ka go dira letshwao.
fa tlolo-molao e dirilwe mo tlase ga mabaka a a tlhalosiwang mo taelong ya bosetšhaba e e umakiwang mo go molawana wa 97(5)(a)(ii).
Lokwalo lwa tshwaro le le ntsheditsweng ngwana go ya ka molawana wa 43 wa "Criminal Procedure Act", le laela gore ngwana a tlisiwe go tla go tlhagelela fa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko.
go itsise motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao ka ga go tshwarwa ga ngwana: Fa e le gore lepodisi ga le kgone go ka itsise motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao ka ga go tshwarwa ga ngwanaa, lepodisi le tshwanetse go neela moreetsa-kgetse wa dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, ripoto e e kwadilweng go tlhalosa jalo.
(4)(a) Lepodisi, fa go kgonega e ka ne e le le le tshwareng ngwana, le tshwanetse gore ka bonako, mme e seng morago ga diura di le 24 morago ga go tshwarwa, le itsise modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, wa tikologo e ngwana a tshwerweng kwa go yona, ka go go tshwarwa ga ngwana, ka tsela e e tshwanetseng.
Fa lepodisi le sa kgone go itsise modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, ka ga go tshwarwa ga ngwana, lepodisi le tshwanetse go neela magiseterata yo o dirang dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, ripoto e e kwadilweng, le tlhalosa mabaka a gore ke ka ntlha ya eng le sa dira ka fa go tshwanetseng.
go tshwarwa kwa tikologong e e kwa ntle ga tikologo ya kgotlatshekelo e e nang le dithata tsa go reetsa kgetse, di a diragadiwa fa go fetile lobaka lwa diura di le 48.
Fa go elwa tlhoko kgololo kgotsa go tlhatlhelwa ga ngwana yo o neng a tshwerwe, se se tshwanetsweng go dirwa pele ke go golola ngwana jaaka go tlhalosiwa mo karolong ya molawana wa (2) le wa (3).
motšhutšhisi, mabapi le tlolo-molao e e umakiwang mo Setlhopheng sa 1 kgotsa 2 sa ditlolo-molao, a ka laela gore ngwana a gololwe ka beili go ya ka molawana wa 25, o buisiwa le molawana wa 59A wa "Criminal Procedure Act", mme fa go umakiwa Setlhopha sa 7 mo go molawana wa 59A wa Molao oo, kumako e e jalo e tshwanetswe go tsewa e raya kumako ya Setlhopha sa 2 sa ditlolo-molao, sa Molao ono.
fa ngwana a sa gololwa fa a tlhatlhetswe go ya ka temana ya (a) kgotsa (b), a mo golole ka beili go ya ka molawana wa 25.
go na le maemo a a ka nnang kotsi a a ka supang fa ngwana a ka nna kotsi mo go motho mongwe kgotsa mo go ene.
Fa ngwana a sa gololwa go ya ka karolo ya molawana wa (1), lepodisi le le batlisisang kgetse le tshwanetse go neela magiseterata yo o reetsang dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, ka mokgwa o o tlhalositsweng, mabaka a gore ke ka ntlha ya eng ngwana a sa kgona go gololwa, segolo-thata a tlhalosa ka ga mabaka a a umakiwang mo karolong ya molawana wa (1)(a) kgotsa (b).
Lepodisi le le gololang ngwana yo o tlhatlhetsweng go ya ka molawana wa 22 mme le bo a mmaya ka fa tlase ga tlhokomelo ya motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, le tshwanetse gore ka nako e le gololang ngwana ka yona, le neele ngwana le motho o le mo gololelang mo tlhokomelong ya gagwe lekwalo la kitsiso go ya ka molawana wa 18.
kwa kgotlatshekelo ya ngwana mme kgetse e tshwanelwa ke go busediwa morago, moreetsa-kgetse, o tshwanetse gore go ya ka karolo ya molawana wa (2)(b), a akanye ka ga kgololo ya ngwana go ya ka molawana ono.
fa ngwana a latofadiwa ka tlolo-molao e e umakiwang mo Setlhopheng sa 1 kgotsa sa 2 sa ditlolo-molao, ngwana a ka gololwa ka boena fa seo e le go ya ka fa dikgatlhegelong tsa bosiamisi gore ngwana a gololwe.
gore tlolo-molao e masisi go le kana kang.
latele taelo nngwe le nngwe e moreetsa-kgetse a boneng e le matshwanedi fa tlase ga mabaka ao.
Fa ngwana a gololelwa mo tlhokomelong ya motsadi, mogolo yo o matshwanedi kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, moreetsa-kgetse o tshwanetse go laela motsadi, mogolo yo tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, le go lemosa motsadi, mogolo yo o mashwanedi kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao gore a netefatse gore ngwana o tlhagelela ka letlha, nako le kwa lefelong, tse di umakilweng, mme fa taelo e dirilwe go ya ka molawana ono, go netefatsa gore ngwana o dira ka fa taelong eo.
Fa ngwana a golotswe ka boena, moreetsa-kgetse o tshwanetse go laela ngwana go tlhagelela ka letlha, nako le kwa lefelong tse umakilweng, fa go dirilwe taelo e e jalo go ya ka molawana ono, le go dira ka fa taelong eo.
(a) Fa ngwana a sa tlhagelele ka letlha, nako le kwa lefelong, tse di umakilweng mo karolong ya molawana wa (4) kgotsa (6) kgotsa a sa dire ka fa taelong e e umakilweng mo molawaneng ono, moreetsa-kgetse, fa a lemositswe ka tsela e e matshwanedi, gore ngwana ga a dira jaaka a laetswe, a ka ntsha lekwalo la gore ngwana a ye go tshwarwa kgotsa a ntsha tagafara go ya ka molawana wa 19, gore ngwana a tlhagelele kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana.
Fa ngwana a tlhagelela fa pele ga moreetsa-kgetse ka lekwalo la tshwaro kgotsa ka tagafara e e umakilwang mo temaneng ya (a), moreetsa-kgetse o tshwanetse a botsa ngwana gore ke ka ntlha ya eng a sa tlhagelela kgotsa a sa dira ka fa taelong kgotsa a sa nna go fitlha a bidiwa, mme a dire tshweetso gore a phoso e ka fa letlhakoreng la ngwana gore a se ke a tlhagelela kgotsa nnyaya.
fa go tlhokega, a ka dira taelo e e siameng e e tla thusang ngwana le ba lelapa la gagwe go kgona go latela ditaelo tse di neng di dirilwe kwa tshimologong.
Fa go fitlhelwa e le gore phoso e ka fa letlhakoreng la ngwana, moreetsa-kgetse a ka laela gore ngwana a gololwe ka fa tlase ga ditaelo dingwe kgotsa a dira taelo ya gore ngwana a tlhatlhelwe go ya ka molawana wa 26.
Motsadi, mogolo yo o matshwanedi kgotsa motllhokomedi wa ngwana wa semolao yo a sa direng go ya ka fa molawaneng wa (5), o molato ka tlolo-molao mme fa a bonwe molato, a ka atlholelwa faene kgotsa go ya kwa kgolegelong lobaka le le sa feteng dikgwedi le tharo.
Kgaolo ya 9 ya "Criminal Procedure Act" e diragadiwa mabapi le kgololo ya ngwana ka beili, kwa ntle ga molawana wa 59 le wa 59A, go ya ka fa go tlhalosiwang ka teng mo go molawana wa 21(2)(b).
kgona go duela madi a a rileng, moreetsa-kgetse o tshwanetse go baya ditaelo tsa go golola ngwana ka beili mme e nne madi a a tshwanetseng mo tlase ga mabaka ao.
Morago ga go akanya ka ga mefuta ya go golola ngwana go ya ka Karolo ya 1, go tsewa tshweetso ya gore ngwana o tshwanetse go tlhatlhelwa kgotsa go nna a tlhatlhetswe, lepodisi kgotsa moreetsa-kgetse o tshwanetse go tsaya tshweetso ya go mo tlhatlhela jaaka e le ya bofelo mo go tsotlhe ka fa go ka kgonegang ka teng fa tlase ga mabaka, jaaka go tlhalosiwa mo karolong ya molawana wa (2) le wa (3), mme a simolola ka e e leng ya bofelo mo go tsotlhe e e ka dirang gore a se ke a tlhatlhelwa.
fa lefelo le le umakiwang mo temaneng ya (a) le sa tshwanela, lepodisi le tshwanetse go tlhatlhela ngwana kwa seleng ya mapodisi kgotsa kwa lefelong la go tlhatlhela, go ya ka molawana wa 27(b).
kgolegelong go ya ka molawana wa 30, mo tlase ga mabaka a a beilweng ke molawana oo.
dingwaga di le 14 kgotsa go feta, ka tlolo-molao e e umakiwang mo Setlhopheng sa 3 sa ditlolo-molao, lepodisi le tshwanetse go tlhatlhela ngwana kwa seleng ya mapodisi kgotsa lefelo la tlhatlhelo.
dijo, metsi, le tsa marobalo tse di lekaneng.
go na le mabaka mangwe a a dirang gore ngwana a bone thuso ya kalafi.
kgakololo gore a go na le kgato e e ka tsewang.
Khophi ya ripoto ya kalafi, fa e le teng, e tshwanetse go tsamaya le ripoto e e umakilwang mo go temaneng ya (b) e e dirilweng ke komišenara wa seteišene, mme khophi e nngwe e tshwanetswe go faelwa ka fa teng ga dokete.
Komišenara mongwe le mongwe wa seteišene sengwe le sengwe o tshwanetse go nna le rejisetara e ka fa teng ga yona go tshwanetseng ga kwalwa dintlha, ka fa go tshwanetseng, mabapi le go tlhatlhelwa ga bana botlhe mo seleng ya mapodisi kgotsa mo lefelong la tlhatlhelo mme di kgone go lemosega sentle mo go tsa bagolo.
Rejisetara e ka tlhatlhobiwa ke motho mongwe le mongwe yo o ka dumelelwang.
Moreetsa-kgetse a ka laela gore ngwana yo o latofadiwang ka tlolo-molao nngwe le nngwe a tlhatlhelwe mo lefelong la ngwana le moša le le tlhalositsweng.
go nna teng ga bonno kwa lefelong le le siametseng tlhokomelo ya ngwana le moša.
Nako le nako fa go tlhokega gore moreetsa-kgetse a dire tshweetso go ya ka karolo ya molawana wa (1), moreetsa-kgetse o tshwanetse go ela tlhoko tshedimosetso e e umakiwang mo go molawana wa 40(2).
tshedimosetso nngwe le nngwe e e leng teng e e ka ga boleng jwa tshireletso, mekgabiso mmogo le dikarolo tse di botlhokwa tsa lefelo.
fa go na le kgonagalo ya gore ngwana fa a ka bonwa molato, a ka newa katlholo ya go ya kwa kgolegelong.
Ngwana yo o nang le dingwaga di le 14 kgotsa go feta a ka bewa kwa kgolegelong fa, mo godimo ga mabaka a a umakiwang mo karolong ya molawana wa (1)(a), (c), (d) le (e), Molaodi wa Botšhutšhisi ba Setšhaba kgotsa motšhutšhisi yo o neilweng ke ene tetla ka lekwalo ya go ka dira jalo, a ntsha setifikheiti se se netefatsang gore go na le bopaki jo bo lekaneng go sekisa ngwana ka ntlha ya tlolo-molao e e umakiwang mo Setlhopheng sa 3 sa ditlolo-molao le gore o latofatsa ngwana ka tlolo-molao eo.
lebaka lengwe le lengwe la a tshwanang le ona.
Moreetsa-kgetse yo o ntshang taelo ya gore ngwana a tlhatlhelwe go ya ka molawana ono, o tshwanetse go laela gore ngwana a tlisiwe kwa go ene kgotsa kwa kgotlatshekelo nngwe mo letsatsing lengwe le lengwe la 14 gore a lekole taelo.
(5)(a) Moreetsa-kgetse a ka laela gore ngwana yo o latofadiwang ka tlolo-molao e e umakiwang mo Setlhopheng sa 1 kgotsa sa 2 sa ditlolo-molao, a tlhatlhelwe kwa kgolegelong mo boemong jwa kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša, fa e le gore mo godimo ga mabaka a a umakilweng mo dikarolong tsa molawana wa (1) le wa (3), o fitlhela go na le mabaka a le mantsi a a popota le a a gapeletsang, go akaretsa ditlolo-molao tse di tshwanang le yona tse a kileng a bonwa molato mo go tsona kgotsa tlolo-molao nngwe e iseng e konosediwe kgatlhanong le ngwana, fa fela e le gore ngwana o na le dingwaga di le 14 kgotsa go feta.
Moreetsa-kgetse yo o dirang taelo ya gore ngwana a bewe kwa kgolegelong go ya ka temana ya (a), o tshwanetse go kwala mabaka a a dirileng gore a tsee tshweetso e e jalo mo rekotong ya tsheko.
Fa ngwana a beilwe kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša, kwa seleng kgotsa lefelo la tlhatlhelo la mapodisi kgotsa kwa kgolegelong, mme motho yo o amogelang ngwana a lemoga gore go dirilwe phoso mabapi le go tshola ngwana kwa lefelong leo, motho yoo o tshwanetse go dira ka fa taelong ya kgotla-tshekelokgotlatshekelo, a bee ngwana mo lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša, mo seleng ya mapodisi, mo lefelong la tlhatlhelo kgotsa mo kgolegelong, mme e re ka bonako jo bo kgonegang, fela e se ke ya nna morago ga letsatsi le le latelang la go ya kgotlatshekelo, ka tsela e e tshwanetseng, a romele ngwana kwa go moreetsa-kgetse yo o dirileng taelo e e jalo gore a baakanye phoso.
ka kwala mabaka a a dirileng gore a tsee tshweetso e e jalo mabapi le se se ntseng jalo, ka fa rekotong ya tsheko.
Ga go na ngwana yo o tshwanetseng go bofiwa ka ditshipi mo maotong fa a tlhagelela fa pele ga lefelo la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, mme dihangaboi tsona di ka dirisiwa fela fa go na le mabaka a a ka dirang gore di dirisiwe.
(a) Ngwana yo o tlhatlhetsweng kwa seleng ya mapodisi kgotsa lefelo la tlhatlhelo fa a santse a letile go tlhagelela kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, ga a tshwanela go kopana le bagolo mme o tshwanetswe go tsholwa le go bewa mo maemong a a tshwanetseng dingwaga tsa gagwe.
Basetsana ga ba tshwanela go kopana le basimane mme ba tshwanetse go nna ka fa tlase ga tlhokomelo ya mogolo wa mosadi.
Fa ngwana a tsamaisiwa ka sejanaga go ya kgotsa go tswa kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, kgotsa go tswa kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, ga a tshwanela go pagama le bagolo: Fa go sa kgonagaleng gore taelo eno e latelwe, lepodisi le tshwanetse gore mo nakong ya diura di le 48, e neele moreetsa-kgetse, ripoto e e mabapi se se jalo mme a tlhalosa mabaka gore ke ka ntlha ya eng taelo e sa latelwa.
Ngwana mongwe le mongwe yo a latofadiwang ka tlolo-molao o tshwanetswe go sekasekiwa ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, jaaka go tlhalosiwa mo karolong ya molawana wa (2) le wa (3), kwa ntle ga gore tshekatsheko e bo e dirilwe go ya ka molawana wa 41(3).
Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, yo a itsisitsweng ke lepodisi gore ngwana o neilwe lekwalo la kitsiso, tagafara kgotsa gore o tshwerwe, o tshwanetse go dira tshekatsheko ya ngwana pele ga gore a tlhagelele kwa lefelong la dipatlisiso tsa di dirwang pele ga tsheko, mo dinakong tse di kwadilweng mo go molawana wa 43(3)(b).
Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, yo a itsisitsweng ke lepodisi gore ngwana o o ka fa tlase ga dingwaga di le 10 o ne a tshotswe go ya ka molawana wa 9, o tshwanetse go dira dithulaganyo tsa go dira tshekatsheko ya ngwana mo malatsing a le supa morago ga go itsisiwe.
kgobokanya tshedimosetso mabapi le tlolo-molao e ngwana a kileng a bonwa molato ka yona, phaposo ya kgetse mo tshekong e e dirilweng mo nakong e e fetileng kgotsa tlolo-molao e iseng e sekiwe.
neelano ka tshedimosetso nngwe le nngwe e e mabapi le ngwana e modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng ngwana go ya kwa kgolegelong, a ka e tsayang gore ke e e ka fa dikgatlhegelong tse di molemo tsa ngwana kgotsa ke e e ka tsweletsang-pele maikaelelo a Molao ono o ikemiseditseng go a fitlhelela.
ga e amogelesege jaaka bopaki mo nakong ya kopo ya beili, go ikarabela mo tatofatsong, mo tshekong kgotsa ka nako ya katlholo, fa ngwana a tlhagelela kwa kgotlatshekelo.
Motho mongwe le mongwe yo a sa lateleng taelo ya molawana wa (1)(a), o molato ka tlolo-molao, mme fa a bonwe molato, a ka atlholelwa faene kgotsa kwa kgolegelong lobaka lo lo sa feteng dikgwedi di le tharo.
Tshekatsheko ya ngwana e ka dirwa kwa lefelong lengwe le lengwe le le tlhaotsweng ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, mme e ka akaretsa kamore kwa seteišeneng sa mapodisi, kgotlatshekelo ya magiseterata, dikantoro tsa Lefapha la Katlaatlelo loago kgotsa Lefelo la Bosiamisi la Ngwana.
Lefelo le le tlhophilweng go ya ka karolo ya molawana wa (1), le tshwanetse go siamela go se kgorelediwe.
Ngwana o tshwanetse go nna teng fa go dirwa tshekatsheko ya gagwe go ya ka Molao ono.
sa akarediwa ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, go nna teng ka ntlha ya fa a tlhakatlhakantse, a nyaditse kgotsa a kgoreleditse tshekatsheko kgotsa go le ka fa dikgatlhegelong tse di molemo tsa ngwana kgotsa tsamaiso ya bosiamisi, gore a se ke a nna teng.
mongwe le mongwe yo go nneng teng ga gagwe go tlhokagalang mo lobakeng lwa tshekatsheko.
Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong a ka kopa gore lepodisi le nne teng fa tshekatshekong, fa go na le kotsi ya gore ngwana a ka tshaba kgotsa a nna kotsi mo go modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong.
Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, fa go le matshwanedi, a ka rata go utlwa maikutlo a ngwana mo sephiring, mabapi le go nna teng ga motho mongwe fa tshekatshekong.
(a) Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao, o tshwanetse go leka ka gotlhe go batla kwa motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao a leng kwa teng gore a tle a kgone go konosetsa tshekatsheko ya ngwana mme a ka kopa lepodisi go mo thusa go batla motho yoo.
Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, a ka konosetsa tshekatsheko ya ngwana fa motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao a se teng, fa sengwe le sengwe se dirilwe go leka go batla motho yoo mme a paletswe ke go fitlhela, kgotsa fa motho yoo a itsisitswe ka ga tshekatsheko mme a se ka a tla.
botsa ngwana gore a o ikaelela go amogela maikarabelo a tlolo-molao eo.
Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, ka nako nngwe le nngwe ya tshekatsheko ya ngwana, a ka buisana le motho mongwe le mongwe yo o ka neelanang ka ga tshedimosetso e e tlhokegang mo tshekatshekong, go akaretsa motšhutšhisi, lepodisi kgotsa moneelana ka tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong.
Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, ka nako nngwe le nngwe ya tshekatsheko, a ka buisana mo sephiring le motho mongwe le mongwe yo o leng teng.
Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, a ka ya go buisana le motho mongwe le mongwe yo a seng fa lefelong la tshekatsheko, yo o nang le tshedimosetso e e mabapi le tshekatsheko, mme fa go na le tshedimosetso nngwe e e bonweng, ngwana o tshwanetse go itsisiwe ka ga yona.
Fa ngwana a latofadiwa mmogo le ngwana mongwe kgotsa bana bangwe, modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, a ka dira tshekatsheko ya bana ka nako e le nngwe fa e le gore seno se mo dikgatlhegelong tsa bana bao botlhe.
Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, o tshwanetse go rotloetsa bana go tsaya karolo ka nako ya tshekatsheko.
tekanyetso ya dingwaga tsa ngwana, fa di sa netefadiwa, jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 13.
boleng jwa tshireletso, mekgabiso le dikarolo tse di botlhokwa tsa lefelo.
kgonagalo ya gore ngwana a ka romelwa kwa porogrameng ya batlola-molao ba thobalano, tiriso-botlhaswa ya diritibatsi kgotsa porograma nngwe ya kalafi e e tseneletseng.
Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao gore a ye kwa kgolegelong, o tshwanetse go supa fa ripotong gore a ngwana o na le maikaelelo a go amogela maikarabelo a tlolo-molao e a latofadiwang ka yona.
Ripoto e e umakiwang mo karolong ya molawana wa (1) e tshwanetse ya neelwa motšhutšhisi pele ga tshimilogo ya dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, mme go akangwe ka ga dinako tse di umakilweng mo go molawana wa 43(3)(b).
mo lebakeng la ngwana yo o nang le dingwaga di le 10 kgotsa go feta mme a le ka fa tlase ga dingwaga di le 14, gore kitso ya bosenyi e ka kgona go ka supetswa go ya ka molawana wa 11.
Fa go ise go dirwe tshekatsheko ya ngwana, motšhutšhisi a ka neelana ka tshekatsheko fa go dira jalo go le ka fa dikgatlhegelong tse di molemo tsa ngwana: Fa fela e le gore mabaka a go neelana ka tshekatsheko a kwadilwe ka fa rekotong ke magiseterata ka fa kantorong ya gagwe jaaka go umkiwa mo go molawana wa 42.
Fa motšhutšhisi a akanya gore ngwana o tlhoka tlhokomelo le tshireletso jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 150 wa "Children's Act", ga a tshwanela go dira phaposo ya kgetse mo tshekong mme o tshwanetse go romela kgetse kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko gore e sekasekiwe go bona gore a e ka romelwa kwa kgotlatshekelo ya bana.
Mo go kgoneng go tsaya tshweetso ya phaposo ya kgetse mo tshekong kgotsa nnya, motšhutšhisi o tshwanetse go akanya lebaka la gore a ngwana o kile a direlwa phaposo ya kgetse mo tshekong mo nakong e e fetileng kgotsa nnyaya.
Fa motšhutšhisi a tsaya tshweetso ya go se dire phaposo ya kgetse mo tshekong go ya ka molawana ono, o tshwanetse go dira dithulaganyo ka bonako tsa gore ngwana a tlhagelele kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, le le umakiwang mo go Kgaolo ya 7.
Fa kgetse e fapositswe mo tshekong go ya ka molawana wa 41, ngwana, fa go kgonagala le motsadi wa gagwe, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, ba tshwanetse go tlhagelela fa pele ga magiseterata, ka fa kantorong ya gagwe, gore mofuta wa phaposo ya kgetse mo tshekong, o o dirilweng ke motšhutšhisi, o tle o dirwe taelo ya kgotlatshekelo.
Molawana wa 58 o a diragadiwa ka diphetogo tse di tlhokagalang go ya ka ona, mo go ngwana o a sa lateleng taelo nngwe le nngwe e e tlhalosiwang mo karolong ya molawana wa (1).
e ka tshwarelwa kwa kgotlatshekelo kgotsa kwa lefelong lengwe le lengwe le le siametseng.
go fetisediwa ga kgetse kwa kgotlatshekelo ya bana, fa go leng matshwanedi gona.
kgetse e tsholotswe.
mo dinakong tse di tlhalosiwang mo lekwalong la kitsiso go ya ka molawana wa 18 kgotsa tagafara go ya ka molawana wa 19.
Go tlhagelela ga ngwana kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, go tsewa e le go tlhagelela ga gagwe lekgetlho la ntlha kwa kgotlatshekelo e nnye, go ya ka molawana wa 50 wa "Criminal Procedure Act".
modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong.
Fa go na le kgonagalo ya gore taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong e ka dirwa, moneelana ka tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong, yo o supilweng ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong,, o tshwanetse go nna teng kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko.
Magiseterata yo o reetsang tsheko ya dipatlisiso, go ya ka molawana wa 81, a ka laela motho mongwe le mongwe gore a se ke a tsenela tsheko ya dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, fa e le gore go nna teng ga motho yo o jalo ga go ka dikgatlhegelong tse di molemo tsa ngwana kgotsa fa a nyatsa mokgwa wa dipotsolotso le maikaelelo a dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko.
(a) Dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko di ka tswela pele fa motsadi, mogolo yo o tshwanetseng, motlhokomedi wa ngwana wa semolao kgotsa modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, a se teng, fa magiseterata yo o reetsang tsheko ya dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, a kgotsofetse gore go dira jalo go ka fa dikgatlhegelong tse di molemo tsa ngwana.
Fa magiseterata yo o dirang dipatlisiso a tswela pele kwa ntle ga motsadi wa ngwana, mogolo yo o tshwanetseng, motlhokomedi wa ngwana wa semolao kgotsa modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, go ya ka temana ya (a), o tshwanetse go kwala mabaka a tshweetso e e jalo ka fa rekotong ya tsheko.
Magiseterata yo o dirang dipatlisiso a ka dumelela motho mongwe le mongwe yo o nang le kgatlhego kgotsa yo o ka nnang le seabe mo tshekong, go nna teng.
Magiseterata wa dipatlisiso a ka kwalela kgotsa a laela gore motho mongwe le mongwe yo go nneng teng ga gagwe go ka tlhokagalang mo lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, a nne teng.
Go tshola mo sephiring ga tshedimisetso e go neelanweng ka yona kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko.
Molawana wa 154 wa "Criminal Procedure Act", o o mabapi le phasalatso ya tshedimosetso e e tlhagisang go itsiwe ga ngwana kgotsa paki e e ka fa tlase ga dingwaga di le 18, o a diragadiwa mmogo le diphetogo go ya ka fa tirisong ya ona mo tsamaisong ya dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko.
Tshedimosetso e e neetsweng ke motho mongwe le mongwe kgatlhanong le ngwana kwa lefelong la dipatlisiso tse dirwang pele ga tsheko, ga e a tshwanelwa go dirisiwa mo kopong nngwe le nngwe ya beili, go ikarabela mo tatofatsong, tsheko kgotsa mo ditsamaisong tsa katlholo.
taelo ya moreetsa-kgetse go ya ka molawana wa 24(4), (5) kgotsa 6, kgotsa a gapeletsega go tlhagelela kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, mme a se ke a tlhagelela kwa lefelong la dipatlisiso kgotsa a se ke a nna go fitlha a bidiwa, molawana wa 24(7) le diphetogo tse dileng mo go ona, o tshwanetse go diragadiwa khatlhanong le ene.
Magiseterata yo o dirang dipatlisiso o tshwanetse go tsamaisa dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko ka tsela e e se nang melao e e gagametseng, ka go botsa dipotso, go buisana le batho ba ba tlileng kwa dipatlisisong ka maikaelelo a go bona dikarabo ka ga sengwe le go bona tshedimosetso, mme o tshwanetse go nna le rekoto ya tsamaiso e e jalo.
go tlhotlhomisa dingwaga tsa ngwana go ya ka molawana wa 14, fa go tlhokagala.
tshedimosetso nngwe le nngwe e e ka tlhokagalang mo tshekong.
tsaya dikgato tse di tlhokagalang go tlhotlhomisa bonnete jwa setatamente sengwe le sengwe le go siama ga sengwe le sengwe se se builweng.
(a) Fa go ise go dirwe tshekatsheko ya ngwana, magiseterata yo o dirang dipatlisiso a ka nna a se ke a dirisa tshekatsheko fa go le ka fa dikgatlhegelong tsa ngwana go dira jalo.
Magiseterata yo a sa diriseng tshekatsheko go ya ka temana ya (a), o tshwanetse go kwala mabaka a go tsaya tshweetso e e ntseng jalo mo rekotong ya tsheko.
Fa dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko di tswela pele kwa ntle ga modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, ripoto ya modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motla-molao go ya kwa kgolegelong e tshwanetse go nna teng kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, kwa ntle ga fa tshekatsheko e sa dirwa go ya ka karolo ya malawana wa (5).
go dumelela ngwana, motsadi wa ngwana, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao kgotsa motho mongwe le mongwe yo o leng teng go botsa dipotso le go tlhagisa dintlha, tse go ya ka magiseterata wa dipatlisiso, di leng tshwanetseng mo lebakeng la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko.
(a) Fa ngwana a latofadiwa le ngwana yo mongwe kgotsa bana ba bangwe, go ka tshwarwa dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, ka nako e le nngwe fa magiseterata yo o dirang dipatlisiso a kgotsofetse gore seo se tla nna ka fa dikgatlhegelong tse di molemo tsa bana bao.
fa go dirwa dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko tsa motlhakanelwa go ya ka temana ya (a), go ka dirwa ditshweetso tse di farologaneng mo lebakeng la ngwana mongwe le mongwe.
itsise ngwana gore kgetse e fetiseditswe kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana gore e tle e reetse kgetse go ya ka Kgaolo ya 9.
Fa magiseterata wa dipatlisiso a ne a reeditse tsheko ya dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko mme a utlwile tshedimosetso nngwe le nngwe e e nang le ditlamorago tse di sa siamang mo go tseeng karolo e e se nang letlhakore go ka tsaya tshweetso ka ga kgetse, magiseterata ga a tshwanela go reetsa ditsheko dingwe tse di latelang, tsamaiso kgotsa tsheko e e leng ka ga mabaka a a jalo.
mo lebakeng la go dira dipatlisiso dingwe tsa kgetse.
Tsheko ya dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko e ka busediwa morago gape lobaka lo lo sa feteng diura di le 48, mo godimo ga lobaka lo lo umakiwang mo karolong ya molawana wa (1) fa e le gore go busediwa morago ga tsheko go ka nna le karolo e tona ya kgonagalo ya phaposo ya kgetse mo tshekong, mme e re fa dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, di ise di konosediwe, kgetse e tshwanetswe go tswalwa go ya ka karolo ya molawana wa (4) mme motšhutšhisi o tshwanetse go fetisetsa kgetse gore e ye go reediwa kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana go ya ka Kgaolo ya 9.
Fa tsheko ya dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko di busediwa morago go ya ka karolo ya molawana wa (1)(c), gore go tle go tswewe setatamente sa go dumela molato kgotsa go dumela ntlha e e rileng ya molato kgotsa go tshwara phareiti ya go supa motho yo o latofadiwang ka gore ke ene a dirileng molato kgotsa go supa dilo tse di tserweng ka nako e molato o neng o dirwa ka yona, magiseterata yo o dirang dipatlisiso o tshwanetse go itsise ngwana gore o na le tshwanelo ya gore motsadi wa gagwe, mogolo yo o tshwanetseng, motlhokomedi wa ngwana wa semolao kgotsa mmueledi wa semolao, a ka nna teng mo tshekong eo.
gore a amogele lekwalo le le tswang kwa go Molaodi wa Botšhutšhisi jwa Setšhaba yo o nang le thata ya go faposa kgetse mo tshekong, go ya ka molawana wa 52(3).
ngwana a rometswe go ya go dirwa tshweetso ya bolwetse jwa tlhaloganyo kgotsa go sa direng sentle ge tlhaloganyo, go ya ka molawana wa 77 kgotsa wa 78 wa "Criminal Procedure Act".
Molawana wa 50(1)(d) wa "Criminal Procedure Act" o diragadiwa mabapi le lobaka lwa diura di le 48, jaaka go umakiwa mo go molawana ono.
(a) Magiseterata yo o dirang dipatlisiso, go ya ka temana ya (b), a ka dira taelo ya gore kgetse e faposiwe mo tshekong go ya ka molawana wa 52(5).
Magiseterata yo o dirang dipatlisiso, mo lobakeng lwa ngwana yo o nang le dingwaga di le 10 kgotsa go feta, mme a le ka fa tlase ga dingwaga di le 14, a ka dira fela taelo ya gore kgetse e faposiwe mo tshekong, go ya ka temana ya (a), fa a kgotsofetse gore ngwana o na le kitso ya bosenyi.
a laele ngwana le motsadi wa gagwe, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, go nna teng kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana ka letlha, nako le lefelo tse di beilweng.
ngwana o latofadiwa ka tlolo-molao e nnye kgotsa ditlolo-molao tse maikaelelo a tsona e leng go fitlhelela ditlhokego tsa ngwana tsa dijo le bothito, magiseterata yo o dirang dipatlisiso a ka emisa tsheko mme a laela gore ngwana a isiwe kwa kgotlatshekelo ya bana e e umakiwang mo go molawana wa 42 wa Molao oo, le gore ngwana a sekisiwe go ya ka molawana wa 155 le wa 156.
se se rileng mo setšhabeng.
motšhutšhisi a supa gore kgetse e ka nna ya faposiwa mo tshekong go ya ka karolo ya molawana wa (2) kgotsa fa Molaodi wa Botšhutšhisi jwa Setšhaba a supa gore kgetse e ka nna ya faposiwa mo tshekong go ya ka karolo ya molawana wa (3).
a buisane le lepodisi le le dirang dipatlisiso tsa kgetse mme le supa gore kgetse e ka faposiwa mo tshekong.
(a) Molaodi wa Botšhutšhisi jwa Setšhaba, ka dithata tse a nang natso, mo lobakeng lwa tlolo-molao e e umakiwang mo go Setlhopha sa 3, a ka supa, ka lekwalo, gore kgetse e faposiwe mo tshekong fa go na le mabaka a a sa tlwaelegang, jaaka go sweditse jalo Molaodi wa Bosetšhaba wa Botšhutšhisi jwa Setšhaba mo ditaelong tse di ntshitsweng go ya ka molawana wa 97(4)(a)(iii).
a ikopanye le lepodisi le le dirang dipatlisiso tsa kgetse.
Gore go tle go bonwe taelo e e kwadilweng ya Molaodi wa Botšhutšhisi jwa Setšhaba go ya ka temana ya (a), magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, e ka busetsa kgetse morago.
Sesupo sa lekwalo se se umakiwang mo karolong ya molawana wa (3), se tshwanetse go newa moreetsa kgetse kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana mme se tshwanetse go nna karolo ya rekoto ya tsheko.
Fa motšhutšhisi kgotsa Molaodi wa Botšhutšhisi jwa Setšhaba a supa gore kgetse e ka nna ya faposiwa mo tshekong go ya ka karolo ya molawana wa (2) kgotsa wa (3), motšhutšhisi o tshwanetse go kopa moreetsa-kgetse kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana go dira taelo ya gore kgetse kgatlhanong le ngwana e faposiwe mo tshekong, go ya ka se se umakiwang ke Kgaolo eno.
Fa moreetsa-kgetse a sa fapose kgetse mo tshekong jaaka go kaiwa mo karolong ya molawana wa (5), o tshwanetse go fetisetsa kgetse kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana gore e reediwe go ya Kgaolo ya 9.
"taelo ya tlhokomelo le kaelo" go tewa taelo e e ntshitsweng ka mokgwa o o beilweng, go baya ngwana ka fa tlase ga tlhokomelo le kaelo ya motho yo o nang le kitso mme a neelana ka kaelo kgotsa thaka ya gagwe gore e tlhokomele le go kaela ngwana ka maitsholo a gagwe.
maemo a bobedi ke a a dirisiwang mo go ditlolo-molao tse di umakiwang mo go Setlhopha sa 2 le sa 3 sa ditlolo-molao.
kwa go se nang motho yo o tlhalosiwang, batho kgotsa setlhopha sa batho ba ba newang tuelo ya tshenyegelo; ketleetso ya tiro kgotsa sengwe se se mosola, go duela ditshenyegelo tsa setšhaba, mokgatlho o o abelanang ka dithuso kgotsa mokgatlho wa loago kgotsa setheo.
go bewa ka fa tlase ga tlhokomelo ya modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, mo tlase ga mabaka a a ka akaretsang go thibela ngwana go etela mafelo a a leng ka kwa ntle ga tikologo ya magiseterata e ngwana a nnang mo go yona ka tlwaelo, kwa ntle ga go bona pele tumelelo e e kwadilweng ya modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong.
le dingwaga di le 14 kgotsa go feta, taelo, go ya ka temana ya (b), ga e a tshwanela go feta lobaka lwa dikgwedi di le 24, fa go na le nako e e beilweng.
Taelo e e fetang paka e e umakilweng mo temaneng ya (a) e ka dirwa, mme fa go le jalo, mabaka a go feta paka e e umakilweng a tshwanetswe go kwalwa mo rekotong ya tsheko.
nang le dingwaga di le 14 kgotsa go feta, taelo, go ya ka temana ya (b), ga e a tshwanela go feta lobaka lwa dikgwedi di le 48, fa go na le nako e e beilweng.
Taelo e e fetang lobaka le le umakiwang mo go temana ya (a) e ka dirwa, mme fa go le jalo, mabaka a go feta paka e e umakilweng a tshwanetswe go kwala mo rekotong ya tsheko.
Magiseterata yo o umakiwang mo go molawana wa 42, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e ka laela ngwana go tlhagelela kwa kopanong ya setlhopha sa balelapa, go ya ka molawana wa 61 kgotsa mo botsereganying jwa motswa-setlhabelo le motlola-molao, go ya ka molawana wa 62, ka letsatsi, nako le lefelo tse di beilweng, kgotsa go laelo mofuta mongwe le mongwe wa go diragatsa bosiamisi mo mabakeng a a tshwanetseng mo boemong jwa mefuta ya phaposo ya kgetse mo tshekong e e umakiwang mo karolong ya molawana wa (3) kgotsa wa (4), kgotsa mmogo le nngwe ya mefuta ya phaposo ya kgetse mo tshekong e e umakilweng mo karolong ya molawana wa (3) le wa (4).
dingwaga le ditlhokego tsa kgolo ya ngwana.
(a) Mo lobakeng lwa tlolo-molao e e umakiwang mo go Setlhopha sa 1 sa ditlolo-molao, mefuta ya diphaposo tsa kgetse mo tshekong jaaka di tlhagelela mo go molawana wa 53(3), di a dira mme di ka dirisiwa mmogo.
Mo lobakeng lwa tlolo-molao e e umakiwang mo go Setlhopha sa 2 sa ditlolo-molao le sa 3, mefuta ya phaposo ya kgetse mo tshekong e e tlhagelelang mo go molawana wa 53(4), e a dira mme e ka dirisiwa mmogo, mmogo le nngwe le nngwe kgotsa e le dintsi ya mofuta ya ntlha, fa go tshwanetseng.
Mo godimo ga mefuta ya phaposo ya kgetse mo tshekong e e tlhagelelang mo go molawana wa 53, motšhutšhisi, go ya ka molawana wa 41(1), magiseterata yo o dirang dipatlisiso, go ya ka molawana wa 49(1)(a), kgotsa moreetsa-kgetse kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, go ya ka molawana wa 67(1)(a), morago ga go akanya ka ga tshedimosetso yotlhe e e leng teng, a ka dira phaposo ya kgetse mo tshekong ya motho o o rileng, fa go le matshwanedi, e e fitlhelelang ditlhokego tsa phaposo ya kgetse mo tshekong go ya ka molawana wa 51, mme fa go leng matswanedi teng, maemo a e leng ona a bonnye a a tlhagelelang mo go molawana 55.
e lemoge le go tlhaloganya maikutlo a maemo a motswa-setlhabelo.
go akaretsa, fa go tlhokega, batsadi, bagolo ba ba tshwanetseng kgotsa batlhokomedi ba bana ba semolao.
Go ya ka molawana wa 98(2), motšhutšhisi, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, ba ka romela kgetse e e fetiseditsweng kwa phaposong ya tsheko, go ya kwa diporogrameng tsa phaposo ya kgetse mo tshekong, le kwa go moneelana-ka-tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong, e e setseng e neilwe tetlelelo ya semmuso go ya ka molawana ono mme e na le setifikheiti sa nnete sa tetlelelo, se se umakilweng mo karolong ya molawana wa (2)(e).
go netefatsa go nna teng ga didiriswa go kgona go tsenya mo tirisong diporograma tsa phaposo ya kgetse mo tshekong, jaaka ka fa go tshwanetseng ga nnaka teng.
dikgato tsa go tlosa, mo melaong ya tsamaiso, diporograma tsa phaposo ya kgetse mo tshekong le baneelana-ka-tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong, fa go leng matshwanedi gona.
mo lobakeng la dikgwedi di le nne go tloga ka letlha la go tswalelwa ga dikopo tse di umakiwang mo karolong ya temana ya (ii), go netefatsa gore dikopo tsotlhe tse di amogetsweng di a akanngwa le go tsaya tshweetso ka ga tsona, mme se se lebeletsweng segolo thata e le go fetsa ka dikopo mabapi le diporograma tsa phaposo ya kgetse mo tshekong le baneelana-ka-tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong tse di neng di le teng ka nako ya tshimilogo ya Molao ono.
Morago ga go fela ga dinako tse beilweng, tse di umakiwang mo temaneng ya (c), dikopo tsotlhe tsa tetlelelo ya semmuso, tshwanetse go dirwe ka tsona ka mokgwa le mo dinakong tsa khutliso, tse di beilweng mo togamaanong ya melao le melao ya tsamaiso, tse di dirisetswang tetlelelo ya semmuso.
Leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo mo go tsa tlhabololo ya katlaatlelo loago, le tshwanetse la ntsha setifikheiti sa tetlelelo ya semmuso ka fa go tshwanetseng ka teng, mo go porograma nngwe le nngwe le mo go moneelana-ka- tirelo mongwe le mongwe wa phaposo ya kgetse mo tshekong yo o letleletsweng semmuso go ya ka molawana ono.
Setifikheiti sa tetlelelo sa semmuso se se umakiwang mo temaneng ya (e), se dira sebaka sa paka e e fitlhelelang mo dingwageng di le nne go tloga ka letlha la tetlelelo ya semmuso.
Tsamaiso ya boleng jwa tiisetso e tshwanetswe go dirwa ka mokgwa o o beilweng mabapi le porograma e e letleletsweng semmuso ya phaposo ya kgetse mo tshekong le moneelana ka tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong.
(a) Leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo mo go tsa tlhabololo ya katlaatlelo loago, le tshwanetse go phasalatsa dintlha tsa porograma nngwe le nngwe le tsa moneelana ka tirelo mongwe le mongwe yo a letleletsweng kgotsa yo o ntshitsweng mo melaong ya tsamaiso, go ya ka molawana ono mo Kuranteng e e kwalang Melao mo lobakeng lwa malatsi a le 30 morago ga go newa tetlelelo ya semmuso kgotsa go ntshiwa mo melaong ya tsamaiso.
Molaodi-Kakaretso: Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo, yo o tshwanetseng go phatlalatsa phasalatso mo go batsaya-karolo ba ba tshwanetseng, ba ba tsayang karolo mo tsamaisong ya Molao ono.
Fa go dirwa taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong, magiseterata yo o umakiwang mo go molawana wa 42, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, e tshwanetse go tlhopha modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong kgotsa motho mongwe yo o matshwanedi, go ela tlhoko gore ngwana o latela taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong.
Fa ngwana a sa latele taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong, modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong kgotsa motho yo o tlhophilweng go ya ka karolo ya molawana wa (1), o tshwanetse go itsise, ka tsela e e tshwanetseng, magiseterata, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, ka lekwalo gore ngwana ga a latela taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong.
mo lobakeng lwa motho yo o sa thapiwang ke Puso, magiseterata, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, e tshwanetse go itsise Molaodi-Kakaretso: Tlhabololo ya Katlaatlelo Loago.
Tsamaiso e e tlhalosiwang mo go molawana wa (3) ga e thibele tharabololo nngwe mo molaong mongwe.
Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong kgotsa motho yo o matshwanedi yo o umakiwang mo karolong ya molawana wa (1), o tshwanetse gore fa ngwana a latetse ditaelo tsa phaposo ya kgetse mo tshekong, sentle, a neele motšhutšhisi yo o tshwanetseng ripoto e e jalo.
Fa ngwana a sa latele taelo nngwe le nngwe ya phaposo ya kgetse mo tshekong, magiseterata yo o umakiwang mo go molawana wa 42, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, morago ga go itsisiwe ka seno, ka mokgwa o o beilweng, ba ka ntsha lekwalo la tshwaro ya ngwana kgotsa ngwana a ka ntshetswa tagafara go ya ka molawana wa 19, gore a tlhagelele fa pele ga magiseterata, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana.
Fa ngwana a tlhagelela fa pele ga magiseterata, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana mabapi le lekwalo la tshwaro le le ntshitsweng kgotsa tagafara, magiseterata, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, ba tshwanetse go batlisisa mabaka a a dirileng gore ngwana a seke a latela taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong mme ba dire tshweetso ya gore go sa lateleng taelo ke phoso ya ngwana kgotsa nnyaya.
dira taelo e e matshwanedi e e tla thusang ngwana le balelapa la gagwe go latela mofuta wa phaposo ya kgetse mo tshekong o o neng o dirisiwa mo tshimologong, mme go na le mabaka a a fetotsweng kgotsa a a okeditsweng, kgotsa a se yo.
motšhutšhisi kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, fa kgetse e sa ye kwa tshekong, ba tshwanetse go tsaya tshweetso nngwe ya mofuta wa phaposo ya kgetse mo tshekong, o o tlhokang go tseelwa matsapa a magolo go feta mofuta wa phaposo ya kgetse mo tshekong o o neng o tlhophilwe pele.
(a) Fa kgetse e fapositswe mo motšutšhisi mo tshekong go ya ka Kgaolo ya 6, kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele kgetse e ya kwa tshekong go ya ka Kgaolo ya 7, kgotsa e fapositswe mo tshekong ke kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana go ya ka Kgaolo ya 9, mme taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong e latetswe sentle, tsheko e ka se ke ya tshwarwa gape go ya ka bopaki jo bo tshwanang le jona.
Taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong ga e reye gore go na le rekoto ya tlolo-molao e e umakiwang mo go "Criminal Procedure Act".
Tsheko ya poraefete go ya ka molawana wa 7 wa "Criminal Procedure Act", ga e a tshwanelwa go dirwa kgatlhanong le ngwana o kgetse ya gagwe e fapositsweng mo tshekong go ya ka Molao ono.
gore go tseregangwe mo dipatlisiso tse di dirwang go bona gore phaposo ya kgetse mo tshekong e dira sentle le go bona gore phaposo ya kgetse mo tshekong e tsaya letlhakore le le feng.
Rejisetara e tshwanetswe go lebelelwa fela ke batho kgotsa mekgatlo e e tlhokang tshedimosetso e maikaelelo a yona a tlhalosiwang mo karolong ya molawana wa (2), jaaka go kailwe.
(a) Kopano ya setlhopha sa balelapa ke tsamaiso e e seng ya semmuso e maikaelelo a yona e leng go kopantsha nngwana yo o latofadiwang ka tlolomolao le motswa-setlhabelo, ba engwe nokeng ke bamalapa a bona le batho bangwe ba ba tshwanetseng, kopano e e tsenetswe ka batho ba ba umakiwang mo karolong ya molawana wa (3)(b), mme mo go yona go dirwa togamaano ya gore ngwana o tla baakanya jang ditlamorago tse di tlhodilweng ke tlolomolao.
Kopano ya setlhopha sa balelapa e dirwa fa fela motswa-setlhabelo mmogo le ngwana ba dumela gore e nne teng.
go tsaya dikgato go netefatsa gore batho botlhe ba ba ka tsenelang kopano, ba itsisiwe go sa le nako ka ga letlha, nako le lefelo la kopano.
(a) Kopano ya setlhopha sa balelapa e tshwanetswe go tsereganngwa ke motsereganyi wa kopano ya lelapa, mme e ka nna modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong kgotsa moneelana-ka-tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong yo a umakilweng mo go molawana wa 56(1).
mongwe le mongwe yo o letleletsweng ke motsereganyi wa setlhopha sa balelapa go tsenela kopano.
Fa kopano ya setlhopha sa balelapa e ka se ke ya kgona go tshwarwa ke letlha, nako le lefelo kwa e neng e beetswe go nna kwa teng, modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, o tshwanetse go bitsa kopano nngwe, mo malatsing a le 21 go tloga ka letlha le kopano e neng e tshwanetswe go tshwarwa ka lona, jaaka go tlhalosiwa mo go molawana ono.
Batsaya-karolo mo kopanaong ya setlhopha sa balelapa ba tshwanetse go sala morago tsamaiso e e ba dumalaneng ka yona le gona ba ka dumalana le togamaano mabapi le ngwana, go ya ka karolo ya molawana wa (6).
a akaretse mokgwa wa go ela tlhoko togamaano.
(a) Motsereganyi wa setlhopha sa balelapa oi tshwanetse go kwala dintlha le mabaka a togamaano nngwe le nngwe e go dumalanweng ka yona kwa kopanang ya setlhopha sa balelapa mme a neye ngwana, modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong kgotsa motho yo a umakiwang mo go molawana wa 57(1), khophi ya rekoto.
Fa kopano e sa diragale kgotsa fa ngwana a sa latele togamaano e go dumalanweng ka yona kwa kopanong ya setlhopha sa balelapa, modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao kgotsa motho, o tshwanetse go itsise magiseterata, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana ka lekwalo, mme molawana wa 58 o tla diragadiwa.
Fa batsaya-karolo mo setlhopheng sa kopano ya balelapa ba sa fitlhelele tumalano ya togamaano, kopano e tshwanetswe go tswalwa mme modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong o tshwanetse go busetsa kgetse kwa go magiseterata, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, gore go tle go sekasekiwe mofuta mongwe wa phaposo ya kgetse mo tshekong.
Tshedimosetso e ngwana a e neileng kwa kopanong ya setlhopha sa balelapa, ga e a tshwanelwa go dirisiwa mo tshekong nngwe le nngwe e e ka ga mabaka a tshwana le ona.
(a) Botsereganyi jwa motswa-setlhabelo le motlola-molao go tewa tsamaiso e e seng ya semmuso e maikaelelo a yona e leng go kopanya ngwana yo o latofadiwang ka tlolo-molao le motswa-setlhabelo, mo go dirwang gona togamaano ya gore ngwana o tla baakanya jang ditlamorago tsa tlolo-molao.
Botsereganyi jwa motswa-setlhabelo le motlola-molao bo ka dirwa fa fela motswa-setlhabelo le ngwana ba dumela gore bo dirwe.
Fa ngwana a laetswe gore a tlhagelele kwa botsereganying jwa motswa-setlhabelo le motlola-molao, molawana wa 61(2), (4), (5), (6), (7), (8) le (9) o a diragadiwa mmogo le diphetogo tse di leng ka fa tlhalosong ya ona.
Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, yo o tlhophilweng ke magiseterata yo o umakilweng mo go molawana wa 42, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, e tshwanetse go bitsa botsereganyi jwa motswa-setlhabelo le motlola-molao.
Botsereganyi jwa motswa-setlhabelo le motlola-molao, bo tshwanetse jwa tseregangwa ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong kgotsa moneelana-ka-tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong yo o umakiwang mo go molawana wa 56(1), o a tla etelelang pele tsamaiso e e tshwanetseng go latelwa kwa botsereganying.
(a) Ngwana mongwe le mongwe yo kgetse ya gagwe e rometsweng kwa kgotlatshekelo ya ngwana go ya ka molawana wa 49(2), o tshwanetse go tlhagelela kwa kgotlatshekelo e e nang le dithata tsa go reetsa kgetse e e jalo go ya ka Kgaolo eno.
Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e tshwanetse go dira go ya ka "Criminal Procedure Act", mabapi le go ikarabela mo tatofatsong le mo tshekong ya batho ba ba latofadiwang, jaaka e okeditswe kgotsa e fetotswe go ya ka Kgaolo eno le Kgaolo ya 10.
"Criminal Prcedure Act" mo lobakeng la mogolo.
a tlhalosetse ngwana ka ga ditsamaiso tse di tshwanetsweng go latelwa go ya ka Molao ono.
e tshwanetse gore mo dikgatong tsotlhe tsa tsheko, segolo-bogolo ka nako ya go ganetsa ngwana ka dipotso, e netefatse gore tsheko e matshwanedi mme ga e mafega le gona e siametse dingwaga le go tlhaloganya ga ngwana.
Ga go motho yo a tshwanetseng go nna teng ka nako nngwe le nngwe ya tsheko kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, kwa ntle fela fa go nna teng ga gagwe go tlhokagala mabapi le tsheko ya kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana kgotsa fa moreetsa-kgetse a mo neile tetla ya gore a nne teng.
Molawana wa 154(3) wa "Criminal Procedure Act" o a diragadiwa mmogo le diphetogo tse di tlhokegang go ya ka tlhaloso mabapi le phasalatso ya tshedimosetso.
Fa moreetsa-kgetse kwa kgotlatsheko ya bosiamisi ya ngwana, ka nako ya tsheko, a lemoga gore ngwana ke ngwana yo o tlhokang tlhokomelo le tshireletso tse di umakilweng mo go molawana wa 50, kgotlatshekelo e tshwanetse go dira go ya ka fa se molawana o se rayang.
Go ya ka karolo ya molawana wa (2) le wa (5), ngwana o tshwanetswe go engwa nokeng ke motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, mo tshekong kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana.
Fa motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao a sa kgone go bonwa morago ga go tsaya matsapa a a leng matshwanedi, mme tiego nngwe gape e ka kgoreletsa dikgatlhegelo tse di molemo tsa ngwana kgotsa tsamaiso ya bosiamisi, kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e ka ntsha taelo ya gore ngwana a se thusiwe ke motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao.
Motsadi wa ngwana, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao yo o laetsweng ke magiseterata go ya ka molawana wa 49(2), gore a nne teng kwa tshekong, o tshwanetse go nna teng kwa tshekong, kwa ntle fela ga fa a boleletswe gore a se ke a nna teng go ya ka karolo ya molawana wa (5).
Fa motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao a sa itsisiwe gore a nne teng jaaka go umakiwa mo karolong ya molawana wa (3), kgotlatshekelo ya ngwana, ka nako nngwe le nngwe ya tsheko, e ka kwalela kgotsa ya laela gore motsadi, mogolo yo o tshwanetsng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, a kwalelwe gore a nne teng mo tshekong.
Motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, yo a laetsweng go nna teng jaaka go umakiwa mo karolong ya molawana wa (3) kgotsa yo o kwaletsweng lekwalo go ya ka karolo ya molawana wa (4), a ka dira kopo kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana gore e letlelelwe gore a se ke nna teng kwa tshekong, mme fa moreetsa-kgetse wa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana a letlelela motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, o tshwanetse go dira jalo ka lekwalo.
Fa ngwana a sa thusiwe ke motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao mme ngwana a kopa thuso, moreetsa-kgetse a ka tlhopha moela-tlhoko yo o ikemetseng, ka mokgwa o o tshwanetseng, gore a thuse ngwana.
Fa se se kaiwang ke karolo ya molawana wa (3) se sa diragadiwe, tsamaiso e e umakiwang mo go molawana wa 24(7)(e) e a diragadiwa, mmogo le diphetogo tse di tlhokegang go ya ka fa tlhalosong.
Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e tshwanetse go konosetsa ditsheko tsotlhe tsa bana ka bonako jo bo ka kgonagalang mme e netefatse gore tsheko ga e busediwe kwa morago makgetlho a le mantsi go ya ka Molao ono.
golotswe, kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, pele ga tshimilogo ya tsheko, ga e a tshwanela go busetsa tsheko morago lobaka lo lo fetang malatsi a le 60 ka nako e le nngwe.
Molawana wa 50(6)(d) wa "Criminal Procedure Act" o diragadiwa fa ngwaneng yo kopo ya gagwe ya beili e iseng e konosediwe.
(a) Kgotla-tshekeloKgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, nako nngwe le nngwe pele kgetse ka fa letlhakoreng la motšhutšhisi e konosediwa, e ka dira taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong kgatlhanong le ngwana, go ya ka molawana wa 52(5).
Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e e dirang taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong, e tshwanetse go busetsa tsheko eo kwa morago, fa go santse go letilwe go bona gore ngwana o latela taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong mme e tla laela ngwana gore fa a sa latele taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong, seo se ka dira gore go kwalwe gore o dumela go tsaya maikarabelo fa tsheko e tswela pele jaaka go umakiwa mo go molawana wa 58(4)(b).
Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, morago ga go amogela ripoto go tswa go modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, e e tlholosang fa ngwana a latetse taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong sentle, mme fa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e kgotsofetse gore ngwana o latetse taelo, e ka dira taelo ya gore tsheko e emisiwe.
Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e tshwanetse gore morago ga go bona ngwana molato, e ntshe katlholo go ya ka Kgaolo eno.
go romelwa kwa kgolegelong e le yona tsela ya bofelo e e ka dirisiwang mme e le fela lobaka lo lo khutshwane le le matshwanedi.
Go rotloetsa maikaelelo a katlholo a a umakiwang mo karolong ya molawana wa (1) le go rotloetsa pusetso ya bosiamisi, dikatlholo di ka dirisiwa ka go kopanngwa.
gore a ngwana o tlhoka tirelo e go neelanwang ka yona kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša.
keletso ya go tshola ngwana a le ka kwa ntle ga kgolegelo.
Mo lobakeng lwa molawana ono, setatamente sa kamego ya motswa-setlhabelo go raya setatamente se se ikanisitsweng se se dirilweng ke motswa-setlhabelo kgotsa motho yo a letleletsweng ke motswa-setlhabelo go dira setatamente mo boemong jwa gagwe, mme se supa ditlamorago tsa mmele, tlhaloganyo, go tshela mmog le batho kgotsa maemo a tsa madi, tse di dirilweng ke tlolomolao mo go motswa-setlhabelo.
Motšhutšhisi, fa a tlisa bopaki kgotsa a neelana ka mabaka pele ga katlholo, a ka akanya ka ga dikgatlhegelo tsa motswa-setlhabelo wa tlolomolao le ditlamorago tsa tlolomolao mo go motswa-setlhabelo, mme fa go kgonegang teng, a neele kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana setatamente sa motswa-setlhabelo sa ditlamorago, jaaka go tlhalosiwa mo karolong ya molawana wa (1).
Fa diteng tsa setatamente sa motswa-setlhabelo sa ditlamorago di sa ganediwe, setatamente sa motswa-setlhabelo sa ditlamorago se amogelwa jaaka bopaki fa go neelanwa ka sona.
(a) Kgotlatshekelo ya ngwana e e ntshang katlholo go ya ka temana ya (b), e tshwanetse go kopa ripoto ya pele ga katlholo e e kwadilweng ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, pele katlholo e ntshiwa.
Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e ka dira kwa ntle ga ripoto ya pele ga katlholo fa ngwana a bonwe molato ka tlolomolao e e umakiwang mo Setlhopheng sa 1 sa ditlolo-molao kgotsa fa go kopa ripoto go ka tlhola tiego e e sa tlhokegeng ya go konosediwa ga kgetse ya ngwana, mme kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e e atlholang ngwana, ga e a tshwanela go ntsha katlholo e e akaretsang go romelwa ga ngwana ka kgapeletso kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša, e e neelanang ka porograma e e tlhalosiwang mo go molawana wa 191(2)(j) wa Molao wa Bana kgotsa kgolegelo, kwa ntle fela ga fa ripoto ya pele ga katlholo e amogetswe.
Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, o tshwanetse go konosetsa ripoto ka bonako jo bo ka kgonegang mme e seng morago ga dibeke di le thataro morago ga letlha le ripoto e kopilweng ka lona.
Fa modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, a naya kgakololo ya gore ngwana a atlholelwe go romelwa kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša e e neelanang ka porograma e e umakiwang mo go molawana wa 191(2)(j) wa Molao wa Bana, kgakololo e tshwanetse go tshegediwa ke tshedimosetso e e leng teng, e e tshepagalang, e e amogetsweng ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlolamolao go ya kwa kgolegelong, go tswa mo mothong yo o tlhokometseng lefelo leo, mabapi le go nna teng ga bonno jwa ngwana yoo.
Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e ka ntsha katlholo nngwe kwa ntle ga e go dirilweng kgakololo ka ga yona mo ripotong ya pele ga katlholo, mme fa seo se diragala, e tshwanetse go kwala mabaka mo rekotong ya tsheko, gore ke ka ntlha ya eng e ntsha katlholo e sele.
Katlholo e e ikaegileng mo setšhabeng ke katlholo e e letlang ngwana go sala mo setšhabeng mme e akaretsa nngwe le nngwe ya mefuta e e umakiwang mo go molawana wa 53, jaaka mefuta ya katlholo, kgotsa kopanyo ya tsona le katlholo e e akaretsang go nna ka fa tlase ga tlhokomelo ya ba tshiamiso, e e umakiwang mo go molawana wa 75.
go lemosa ngwana gore fa a sa latele taelo ya katlholo, seo se ka dira gore a tliswe gape kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana gore go tle go dirwe dipatlisiso go ya ka molawana wa 79.
tsamaisong nngwe le nngwe ya go busetsa bosiamisi, e e leng go ya ka tlhaloso ya go busediwa ga bosiamisi.
Fa e amogela dikgakololo go tswa kwa kopanong ya setlhopha sa balelapa, botsereganyi jwa motswa-setlhabelo le motlola-molao kgotsa tsamaiso nngwe le nngwe ya go busediwa ga bosiamisi, kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, e ka ntsha katlholo, ka go netefatsa, go fetola kgotsa go tsenya mo boemong jwa dikgakololo.
Fa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e sa dumalane le mabaka a togamaano e e dirilweng kwa kopanong ya setlhopha sa balelapa, botsereganyi jwa motswa-setlhabelo le motlola-molao, kgotsa tsamaiso nngwe ya go busediwa ga bosiamisi, kgotlatshekelo e ka ntsha katlholo nngwe e e leng go ya Kgaolo eno mme e bo e kwala mabaka mo rekotong ya tsheko gore ke ka ntlha ya eng e ntshitse katlholo eo mo boemong jwa togamaano.
laela ngwana gore fa a sa latele taelo ya katlholo, a ka tlisiwa gape fa pele ga kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana gore go dirwe dipatlisiso go ya ka molawana wa 79.
akanye ka gore a fa ngwana a ka palelwa ke go duela faene, seno se ka dira gore ngwana a romelwe kwa kgolegelong.
mofuta mongwe le mongwe wa katlholo o kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e akanyang gore o matshwanedi mo mabakeng ao.
mo lobakeng lwa ngwana yo o nang le dingwaga tse di ka fa tlase ga 14, goya ka molawana wa 276(1)(h) wa "Criminal Procedure Act".
Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e e boneng ngwana molato ka tlolo-molao, e ka mo atlholela ngwana go nna kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša ka kgapeletso, le le neelanan g ka porograma e e umakiwang mo go molawana wa 191(2)(j) wa "Children's Act".
Katlholo e e umakiwang mo karolong ya molawana wa (1), go ya ka karolo ya molawana wa (3), e ka ntshiwa lobaka lo lo sa feteng dingwaga di le tlhano kgotsa lobaka lo lo sa feteng letlha le ka lona ngwana yo a tshwarang dingwaga di le 21, go tla ya ka letlha le le leng gaufi mo go ona.
o e reng fa o dirilwe ke mogolo, go ne go ka tshwanela go mo naya katlholo ya go ya kwa kgolegelong lobaka lo lo sa feteng dingwaga di le lesome, fa go na le mabaka a a utlwagalang ebile a gapeletsa, mo godimo ga katlholo e e leng go ya ka karolo ya molawana wa (1), e ka atlholela ngwana katlholo ya go ya kgolegelong mme katlholo e e jalo ngwana a ka e dira morago ga go konosetsa lobaka lo lo leng go ya ka karolo ya molawana wa (2).
Yo e leng tlhogo ya lefelo la tlhokomelo ya ngwana le moša kwa ngwana a atlholetsweng go ya kwa go lona go ya ka karolo ya molawana wa (1), fa ngwana a konosetsa katlholo eo, o tshwanetse go neelana ka ripoto e e leng go ya ka mokgwa o o tshwanetseng, kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e e ntshitseng katlholo kwa teng, mme a na le dikakanyo tsa gagwe mabapi le maikaelelo a a leng matshwanedi a katlholo e e umakiwang mo go molawana wa 69, a a fitlheletsweng mmogo le kgonagalo ya go busetsa ngwana mo setšhabeng kwa ntle ga gore a ye kwa kgolegelong lobaka le lengwe gape.
laela gore ngwana a gololwe, mo tlase ga ditaelo kgotsa kwa ntle ga ditaelo.
Fa katlholo e netefaditswe go ya ka pharakerafo ya (c)(i), lobaka lwa katlholo le ngwana a le ntseng kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša, le tshwanetswe go akangwa fa go akangwa ka gore ngwana a gololwe ka parola go ya ka Kgaolo ya VII ya "Correctional Services Act" wa 1998 (Molao wa 111 wa 1998).
(a) Ngwana yo o atlhotsweng go ya ka molawana ono, o tshwanetswe go isiwa kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša le le umakiwang mo taelong, ka mokgwa o o tshwanetseng, mme e se ke ya nna morago ga kgwedi e le nngwe morago ga go dirwa ga taelo.
go laela modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, go tlhokomela motsamao wa ngwana go ya kwa lefelong le le tlhalosiwang go ya ka taelo, go ya ka go latela taelo, mme le go begela kgotlatshekelo ka lekwalo fa ngwana a amogetswe kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana la moša.
Fa tshedimosetso e e umakiwang mo go molawana wa 71(3), e se teng, ka ntlha ya lebaka lengwe le lengwe, moreetsa-kgetse a ka kopa modiri o o nang le maemo a Molaodi kgotsa a a kwa godimo kwa Lefapheng la Tlhabololo le katlaatlelo loago le le dirang ka mabaka a bana mo lefelong la tlhokomelo ya bana, go neelana ka tshedimosetso e e jalo, mabapi le go nna teng ga bonno jwa ngwana yoo.
Fa moreetsa-kgetse a atlhotse ngwana go ya ka molawana ono, o tshwanetse go dira gore kgetse e nne kwa kgotlatshekelo lobaka lwa kgwedi e le nngwe, mme o tshwanetse gore fa kgetse e tlhagelela gape, a dire dipatlisiso gore a ngwana o ne a amogetswe kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša.
Fa ngwana a ise a amogelwe kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša, moretsa-kgetse o tshwanetse go dira dipatlisiso mme a tseye kgato e e matshwanedi, e e ka reng morago ga go akanya ka bopaki jo bo kwadilweng, a akaretse go neelana ka katlholo nngwe mo boemong jwa e e neng e ntshitswe, kwa ntle ga fa ngwana a atlhotswe go ya ka karolo ya molawana wa (3).
Fa moreetsa-tsheko a fitlhela e le gore go se amogelweng ga ngwana ke ka ntlha ya phoso ya modiredi mongwe wa puso, o tshwanetse go fetisetsa khophi ya diphitlhelelo tsa gagwe kwa go batsamaisi ba lefapha leo gore ba tseye dikgato tse di tlhokegang.
fa e atlhola ngwana yo o nang le dingwaga di 14 kgotsa go feta, ka nako e a atlholelwang tlolomolao, e tshwanetse go dira jalo fela fa katlholo ya kwa kgolegelong e le yona fela e e leng matshwanedi mme e nne nako e khutshwanyane fela.
E ka ne molao mongwe o tlhalosa ka tsela e nngwe, fela ngwana yo o neng a le dingwaga di le 16 kgotsa go feta, ka nako e a neng a dira tlolo-molao e e umakiwang mo Setlhopheng sa 2 sa ditlolo-molao tse di leng mo go "Criminal Law Amendment Act" wa 1997 (Molao wa 105 wa 1997), o tshwanetse gore fa a bonwa molato, a atlholwe go ya ka molawana wa 51 wa Molao o o jalo.
Setlhopha sa 1, fa ngwana a na le rekoto ya ditlolo-molao tse a kileng a bonwa molato ka tsona mme go na le mabaka a le mantsinyana ebile a gapeletsa gore go newe katlholo ya go ya kwa kgolegelong.
Ngwana yo a umakiwang mo karolong ya molawana wa (3) a ka newa katlholo ya go ya kwa kgolegelong lobaka lo lo sa feteng dingwaga di le 25.
Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e e ntshang katlholo, e tshwanetse go balela kwa pele lobaka lwa kgolegelo ka palo ya malatsi a ngwana a a ntseng kwa kgolegelong kgotsa kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša, pele a newa katlholo.
Go latela maikarabelo a boditšhabatšhaba a Rephaboleki, ga go na molao kgotsa katlholo ya go ya kwa kgolegelong e e newang ngwana, go akaretsa katlholo ya go ya kwa kgolegelong lobaka lwa botshelo jotlhe, o o tshwanetseng go ganela, go thibela kgotsa go fokotsa kgonagalo ya go golola ngwana pele ga nako, ngwana yo o atlholetsweng katlholo ya go ya kwa kgolegelong.
Go ya ka molawana wa 77(2), molawana wa 297 wa "Criminal Procedure Act", o dira mo mabakeng a go busetswa morago kgotsa go fegiwa ga go ntshiwa ga katlholo ke kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, go ya ka Molao ono.
tlhokego ya gore ngwana kgotsa motho mongwe yo o neilweng dithata ke kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, gore o tshwanetse go tlhagelela gape kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, ka letsatsi kgotsa matsatsi a a tla bewang ke kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, gore go tle go lebelelwa ripoto ya tswelopele nako le nako.
Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e e buseditseng morago go ntshiwa ga katlholo go ya ka molawana wa (1) ka lengwe kgotsa mangwe a mabaka, e tshwanetse go kopa modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao yo o dirang ka kgetse e, gore a tlhokomele go bona gore ngwana o latela ditaelo tse a di neilweng mme a neele kgotlatshekelo ripoto ya tswelopele e e supang gore ngwana o latela ditaelo.
Fa modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, a begela kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana gore ngwana ga a latela taelo ya katlholo e e ikaegileng mo setšhabeng e e ntshitsweng go ya ka molawana wa 72, kgotsa katlholo ya go busetsa bosiamisi e e ntshitsweng go ya ka molawana wa 73, kgotsa a sa duela faene, go busetsa s se neng se tserwe ka nako ya tlolo-molao kgotsa tuelo ya tshenyegelo kgotsa kutlo-botlhoko e e kwadilweng mo go molawana wa 74, ngwana, ka mokgwa o o matshwanedi, a ka tlisiwa kwa kgotlatshekelo ya ngwana ya bosiamisi e e neng e ntshitse katlholo ya kwa tshimologong, gore go tle go dirwe dipatlisiso tsa gore ke ka ntlha ya eng ngwana a sa latela taelo.
Fa e le gore morago ga go konosetsa dipatlisiso, go fitlhelwa e le gore ngwana o reteletswe ke go ikobela katlholo e e kailweng mo karolwaneng (1), kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e ka tiisetsa, tokafatsa kgotsa go fetola katlholo eo.
supa maitsholo a maemo a a kwa godimo a a siameng le a seporofešenale.
(a) Fa moreetsa-kgetse, ka nako nngwe le nngwe ya tsheko go ya ka Molao ono, a ka akanya gore moemedi wa semolao o dirile sengwe se se leng kgatlhanong le karolo ya molao wa (1), o tshwanetse gore a kwale ka se se sa mo itumediseng ka tsela ya go dira taelo e e akaretsang kgato ya e e ka tsewang e le ya go siamisa taelo ya semmuso e e ka dirang gore sengwe se siamisiwe.
fa e le mmueledi-motona wa semolao, mokgatlho o mmoeledi- motona wa semolao yo a leng leloko la ona.
Ga go na sepe mo Molaong ono se se thibelang ngwana go nna le moemedi wa semolao kwa dipatlisisong tse di dirwang pele ga tsheko.
Fa ngwana a tlhagelela kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana go ya ka Kgaolo ya 9 mme a na moemedi wa semolao yo o tlhophilweng ke ena, a duelwa ke ena, moreetsa-kgetse o tshwanetse go romela ngwana kwa Mokgatlhong wa Neelano ka Thuso ya Semolao gore mokgatlho ono o tle o sekaseke kgetse jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 3B(1)(b), wa "Legal Aid Act" wa 1969 (Molao 22 wa 1969).
Ga go a tshwanelwa go tsaya maikarabelo a ngwana mo tatofatsong e a ikarabelang mo go yona, go fitlhela ngwana yo a umakiwang mo karolong ya molawana wa (1), a newa tšhono e e lekaneng ya gore a bone moemedi wa semolao kgotsa go fitha a newa moemedi wa semolao.
Ga go na ngwana yo a tlhagelelang kwa kgotla-tshekelokgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, yo o tshwanetseng gore ene ga a batle moemedi wa semolao.
Fa ngwna yo a umakiwang mo karolong ya molawana wa (1)a sa batle go nna le moemedi wa semolao kgotsa a gana go tlhalosetsa moemedi wa semolao yo a mo neilweng, ka ga kgetse, kgotlatshekelo e tshwanetse go kwala jalo mo rekotong ya tsheko mme moemedi wa semolao o tshwanetse go tlhophelwa ngwana, go ya ka Kaedi ya Thuso ya Semolao e e umakiwang mo go molawana wa 3A wa "Legal Aid Act" wa 1969, (Molao wa 22 wa 1969), yo o ka thusang ngwana ka mokgwa o o tshwanetseng.
a ka kwala aphili kwa ntle ga go dira kopo ya go dira aphili go ya ka molawana wa 309B wa Molao o o jalo fa aphili e dirilwe kwa kgotlatshekelo e nnye ebile e le go ya ka molawana wa 316 wa Molao o o jalo mo lobakeng lwa aphili e e dirwang kwa Kgotlatshekelo Kgolo: Fa fela gape e le gore molawana wa 302(1)(b) wa Molao o o jalo wa diragadiwa mabapi le ngwana yo o dirang aphili kgatlhanong le go bonwa molato, katlholo kgotsa taelo jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 302(1)(a) wa Molao o o jalo.
Ngwana yo a umakiwang mo karolong ya molawana wa (1), o tshwanetse go itsisiwe ke moreetsa-kgetse ka ga ditshwanelo tsa gagwe mabapi le go dira aphili le ka ga kemedi ya semolao le ka ga tsamaiso e e siameng ya go diragatsa ditshwanelo tseno.
katlholo e tshwanetse go romelwa go ya go tlholwa ke Moatlhodi wa Kgotlatshekelo Kgolo e e nang le dithata tsa go dira jalo, go ya ka molawana wa 304 wa "Criminal Procedure Act" , le fa katlholo e ka nna e kana kang.
karolo ya molawana wa (1) ga e dirisiwe fa aphili e kwadilwe go ya ka molawana wa 84.
molawana wa 25 wa Molao ono, o o dirang ka ga go gololwa ga bana ka beili, o a dira.
dingwaga di le 10 di se na go feta, morago ga letlha la go bonwa molato mo lobakeng lwa Setlhopha sa 2 sa ditlolomolao, kwa ntle ga gore e re mo lobakeng loo, ngwana a bo a bonwa molato ka tlolomolao e e tshwanang le yona kgotsa e e masisi go feta yona.
Fa go na le ngangisano kgotsa pelaelo gore tlolomolao nngwe e ngwana a bonweng molato mo go yona mo nakong eo e tshwana le yona kgotsa e masisi go feta e go nang le rekoto ya yona, go tla dirisiwa kakanyo ya leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi.
Molaodi-Kakaretso: Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo, fa a sena go amogela lekwalo la kopo ya modirakopo yo o umakilweng mo ya molawana wa (1), o tshwanetse go ntsha setifikheiti sa tloso, a laela gore go bonwa molato le katlholo ya ngwana di tloswe, fa ene Molaodi-Kakaretso a kgotsofetse gore ngwana o latela mofuta wa taelo e e tlhalosiwang mo karolong ya molawana wa (1).
lobaka lwa dingwaga di le 10, le le umakiwang mo karolong ya (1)(a)(ii), le ise le fele, fa leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi le kgotsofetse gore ngwana o latela mofuta wa taelo e e tlhalosiwang mo karolong ya molawana wa (1).
Modira-kopo yo a ntsheditsweng setifikheiti sa tloso jaaka go tlhalosiwa mo karolong ya molawana wa (2) kgotsa wa (3), o tshwanetse gore, ka tsela e e matshwanedi, a neele moeteledipele wa Lefelo la Rekoto ya Bosenyi ya Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa, gore go dirwe ka yona go ya ka karolo ya molawana wa (5).
(a) Moeteledipele wa Lefelo la Rekoto ya Bosinyi la Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa kgotsa yo mogolo kgotsa batho ba ba mo maemong a Molaodi kgotsa go feta, ba ba thapilweng kwa lefelong leo, ba tshwanetse go tlosa rekoto ya bosinyi ya ngwana fa modira-kopo a mo neetse setifikheiti sa tloso jaaka go tlhalosiwa mo karolong ya molawana wa (2) kgotsa wa (3).
Moeteledipele wa Lefelo la Rekoto ya Bosenyi la Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa, o tshwanetse gore, go ya ka kopo ya modira-kopo, ka lekwalo, a netefatse gore rekoto ya bosinyi ya ngwana e tlositswe.
ka maikemisetso kgotsa ka go se tlhokomele sentle, a tlosa rekoto ya bosinyi ya ngwana mongwe le mongwe, o molato ka tlolo-molao, mme fa a bonwe molato, a ka duedisiwa faene kgotsa a romelwa kwa kgolegelong lobaka lo lo sa feteng dingwaga di le 10 kgotsa tsona faene mmogo le go isiwa kgolegelong.
Molaodi-Kakaretso: Tlhabololo ya Katlaatlelo Loago, o tshwanetse gore, ka mokgwa o o tshwanetseng, e tlose rekoto ya taelo ya phaposo nngwe le nngwe mo tshekong e e dirilweng mabapi le ngwana go ya ka Molao ono, ka letlha le ngwana a tshwarang dingwaga di le 21, kwa ntle ga fa ngwana a bonwe molato ka tlolomolao nngwe pele ga letlha leo kgotsa fa a sa latela taelo eno ya phaposo ya kgetse mo tshekong.
Leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi, morago ga go akanya ka ga ditshitshinyo tse di dirilweng ke Boto ya Melao ka ga Melao ya Dikgotlatshekelo, e e tlhamilweng ke molawana wa 2 wa Boto ya Melao ka ga Melao ya Dikgotlatshekelo, 1985 (Molao wa 107 of 1985), a ka dira le go tsenya tirisong melao mabapi le lebaka lengwe le lengwe la Molao ono.
Molao mongwe le mongwe o o dirilweng go ya ka karolo ya molawana wa (1), pele o phasaladiwa mo Kuranteng ya Melao, o tshwanetse go letlelelwa ke Palamente.
Leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi, mmogo le maloko a Kabinete a a nang le maikarabelo mo go tsa tlhabololo ya katlaatlelo loago, polokego le tshireletso le ditirelo tsa tshiamiso, ba ka tlhoma mafelo a a tla bidiwang Mafelo a Bosiamisi a Ngwana.
Leloko lengwe le lengwe la Kabinete le le umakiwang mo karolong ya molawana wa (1), le na le maikarabelo a go neelana ka didiriswa le ditirelo mo mafapheng a bona ka go farologana jaaka ba dumalane, go kgontsha Lefelo la Bosiamisi la Ngwana go dira sentle.
Maikaelelo a Lefelo la Bosiamisi la Ngwana ke go rotloetsa tirisano-mmogo magareng ga mafapha a puso, le magareng a mafapha a puso le mekgatlho e e seng ya puso le setšhaba, go netefatsa tirisano-mmogo ya ona le tirelo ya bona botlhe mo go tsenyeng Molao ono mo tirisong.
sediriswa sengwe le sengwe.
(a) Lefelo lengwe le lengwe la Bosiamisi la Ngwana le tshwanetse go tlhoma komiti ya tsamaiso, e e nang le badiri ba maemo a a kwa godimo ba Lefapha la Bosiamisi le Ntshetsopele ya Molaotheo, Ntshetsopele ya Katlaatlelo loago le Ditirelo tsa Tshiamiso mmogo le Ditirelo tsa Sepodisi sa Aforika Borwa, Boto ya Neelano ya Thuso ya Semolao le mafapha mangwe a a tsamaisanang le ona a puso.
Komiti-tsamaiso e ka laletsa batho kwa dikopanong tsa yona, fa go tlhokega, go tla go thusa ka tsa setegeniki, tshegetso le kgakololo.
Komiti-tsamaiso e e umakilweng mo temaneng ya (a), e tshwanetse go kopana gangwe mo dikgweding di le tharo.
gogela morago kgotsa go fetola kitsiso ka fa tlase ga karolo ya molawana.
Fa magiseterata yo o dirang dipatlisiso, kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana kgotsa kgotlatshekelo nngwe le nngwe e dira tshweetso ka ga dingwaga jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 14 kgotsa 15 mme fela e sa tshegediwe ke setifikheiti sa matsalo, lokwalo-itshupo kgotsa phasepoto, khophi ya rekoto ya tshweetso e tshwanetse go fetisediwa kwa Lefapheng la Ditirelo tsa Selegae, go akanya ka ga go neela motho yoo, lokwalo-itshupo.
Lefapha la Ditirelo tsa Selegae, le tshwanetse go begela gape magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, ngwana le motsadi wa gagwe, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, ka mokgwa o o beilweng ke leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi, mmogo le leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a tsa kwa lefapheng la ditirelo tsa selegae, gore dingwaga di kwadisitswe.
Molawana wa 297A wa "Criminal Procedure Act", o a dira mmogo le diphetogo tse di tlhokegang go ya ka fa tlhalosong, mo lobakeng lwa go latlhegelwa ke lefa ga motho mongwe le mongwe ka ntlha ya phoso ya semolao e e dirilweng ke ngwana ka nako e a neng a diragatsa taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong go ya ka Molao ono.
Fa modiri mongwe le mongwe wa kwa kgotlatshekelo kgotsa modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong a ka itse gore ngwana o dirisitswe ke mogolo gore a dire molato o o umakilweng mo Setlhopheng sa 1 kgotsa sa 2 sa "Criminal Procedure Act", mogolo yoo, o tshwanetswe go ya go begwa kwa Tirelong ya Sepodisi sa Aforika Borwa, gore go tle go akangwe ka go mo sekisa jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 141(1)(d), o buisiwa le molawana wa 305(1)(c), wa "Children's Act", mme lebaka la gore mogolo o na le seabe, le tshwanetswe go akangwa fa ngwana a tshwanetsweng go tsholwa ka teng mo tsamaisong ya bosiamisi ya ngwana.
tlhabolola tirelo mo bathong jaaka e bonelwa kwa pele mo go Molao ono ka go tlhabolola togamaano ka didiriswa tse di leng teng.
go tlisa diphetogo mo togamaanong ya molao fa di tlhokega, mme fa go le jalo, diphetogo tseo di tshwanetswe go tshitshingwa kwa Palamenteng mme di phasaladiwe mo Kuranteng ya Molao gore batho ba ntshe dikakanyo tsa bona, jaaka go tlhalosiwa mo go temana ya (b).
Go tlhomiwa fano Komiti e e bediwang Komiti ya Motlhakanelwa ya Bosiamisi ya Ngwana.
Leloko la Komiti ya Motlhakanelwa, le ka tlhopha modiri wa maemo a kwa godimo ka fa Lefapheng la lona go nna moemedi go tsenela kopano ya Komiti mo boemeng jwa gagwe.
(a) Komiti ya Motlhakanelwa e tshwanetse go tlhopha mongwe wa maloko a yona jaaka motlatsa modulasetulo wa Komiti ya Motlhakanelwa, mme fa modula-setulo a se teng, motlatsa modulasetulo o tsena mo legatong la modulasetulo.
Fa modula-setulo le motlatsa modulasetulo ba se teng, maloko a a leng teng mo kopanong a tshwanetse go tlhopha motho mo go bona yo o tla tsamaisang kopano.
batho mo dikopanong tsa yona, fa go tlhokagala, ka thuso ya setegeniki, tshegetso le kgakololo.
begela leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo mo tsamaisong ya bosiamisi, ka lekwalo, mo lobakeng la kgwedi e le nngwe morago ga kopano nngwe le nngwe.
lebaka lengwe le lengwe le le tsamaisanang le tse di jalo.
Komiti ya Motlhakanelwa e ka gakolola leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo mo tsamaisong ya bosiamisi mabapi le diphetogo tse di mo togamaanong ya bosetšhaba ya melao.
ngwaga mongwe le mongwe morago ga foo, a neele Palamente diripoto tseo.
kgakololo e e ikaegileng mo tshekatshekong ya gore a bonnye jwa dingwaga tsa kitso ya bosenyi, di tshwanetse go sala e ntse e le dingwaga di le 10 jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 7(1) kgotsa gore a bonnye jwa dingwaga tsa kitso ya bosenyi di tshwanetse go tlhatlosiwa.
Leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi, fa le amogela ripoto e e umakilweng mo karolong ya molawana wa (4), le tshwanetse go neeela Kabinete ripoto gore e e dumelele, mme morago ga foo, e e neele Palamente go akanya ka ga yona.
Leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo mo go tsa tsamaiso ya bosiamisi, morago ga dipuisano, fa go leng matshwanedi gona, le maloko a Kabinete a a nang le maikarabelo mo go tsa tlhabololo ya katlaatlelo loago, polokego le tshireletso, thuto, ditirelo tsa tshiamiso le maphelo, le ka dira melawana mabapi le lebaka lenngwe le lenngwe le le leng go ya ka fa tlhokegong kgotsa ka fa tetlelelong ya Molao ono, go tlhalosiwa ke molawana kgotsa lebaka lengwe le lengwe le le tlhokegang kgotsa le le bonako go tlhalosa, gore go tle go fitlhelelwe maikaelelo a Moloao ono.
Melawana e e umakiwang mo karolong ya molawana wa (1), e tshwanetse go bewa fa pele ga Palamente gore e tle e e letlelele.
mmogo le leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo mo go tsa matlotlo, le tlhotlhomise ditulelo tsa tshegetso le megolo ya batho bao.
tlhotlhomiso ya mabaka a a sa tlwaelegang mo kgetseng e e ka faposiwang mo tshekong, jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 52(3).
Leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo mo go tsa tsamaiso ya bosiamisi, le tshwanetse go neela Palamente ditaelo tse di ntshitsweng go ya ka molawana ono gore e di letlelele, pele di phasaladiwa mo Kuranteng ya Molao.
Ditaelo tse di ntshitsweng lwa ntlha, di tshwanetse go isiwa kwa Palamenteng pele Molao ono o similola go dira.
Taelo nngwe le nngwe e e ntshitsweng go ya ka molawana ono, e ka fetolwa kgotsa ya gogelwa morago.
go dira kgonagalo le go rotloetsa tiriso ya maitsholo a a tshwanang a a solofetsweng, maemo le ditsamaiso, go netefatsa gore batšhutšhisi botlhe ba kgona go dira ka dikgetse tsa bosiamisi jwa ngwana, ka tsela e e matshwanedi, go dira sentle kwa ntle ga go senya nako le ka kelotlhoko le go tlhaloganya maikutlo a batho ba bangwe.
go ntshiwa ga setifikheiti se se tlosang rekoto ya bosenyi ya ngwana, e e umakiwang mo go molawana wa 87(5)(b).
morago ga malatsi a le 30, le a phasalatse mo Kuranteng ya Molao.
Ditaelo tsa ntlha tse di ntshiwang, di tshwanetswe go neelwa Palamente pele Molao ono o tsengwa tirisong.
Ditaelo dingwe le dingwe tse di ntshiwang go ya ka fa karolong ya molawana ono, di ka fetolwa kgotsa tsa gogelwa morago.
go dira kgonagalo le go rotloetsa tiriso e e tshwanang ya mokgwa wa maitsholo, maemo le ditsamaiso, go netefatsa gore mapodisi otlhe a kgona go dira ka dikgetse tsa bosiamisi jwa ngwana ka tsela e e matshwanedi, e e dirang sentle kwa ntle ga go senya nako le kelotlhoko, le go naganela maikutlo a batho ba bangwe.
(a) Molaodi-Kakaretso: Tlhabololo ya Katlaatlelo Loago kgotsa motho mongwe le mongwe yo o neilweng dithata ke ene, o tshwanetse go kwala rejisetara jaaka e tlhalosiwa, ya bana ba go dirilweng tshweetso ebile e kwadilwe ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlolamolao go ya kwa kgolegelong, go ya ka molawana wa 9(6).
dintlha tsa ngwana tsa go latela tshweetso, fa go tlhokega.
Ga se batho botlhe ba ba tshwanetseng go bona rejisetara, jaaka go tlhalosiwa, mme e tshwanetse ya nna fela batho kgotsa mekgatlho e e batlang tshedimosetso gore ba nne le rekoto, go ela tlhoko le go dira dipatlisiso.
maemo a tshireletso a a leng mo lefelong lengwe le lengwe.
Ditaelo kgotsa ditaelo tsa bosetšhaba tse di tlhalosiwang mo go molawana ono, di tshwanetse go netefatsa gore go tsewa dikgato tse di lekaneng kgatlhanong le modiri mongwe le mongwe yo o sa direng tiro e a e neilweng go ya ka Molao ono.
Fa go tlhokega gore Palamente, go ya ka Molao ono, e letlelele nngwe ya melawana, ditaelo kgotsa ditaelo tsa bosetšhaba, Palamente e tshwanetse go dira jalo mo dikgweding di le thataro morago ga gore di bewe fa pele ga Palamente, fa go sa dirwe jalo, di tla tsewa gore di letleletswe ke Palamente.
Ditsheko tsotlhe tse mo go tsona bana ba latofadiwang ka tlolomolao, tse di neng di tlhatlhetswe pele ga go simolola ga Molao ono, mme di sa konosediwa pele ga go simolola ga Molao ono, di tshwanetse go tswela pele mme di konosediwe ka gotlhe e kete Molao ono ga o ise o letlelelwe.
Porograma nngwe le nngwe ya phaposo ya kgetse mo tshekong le moneelana ka tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong, tse di neng di le teng ka nako e Molao ono o neng o simolola, di ka tswela pele go dira go fitlha go itsisiwe ka ga tshweetso e e mabapi le go tsenngwa tirisong ga yona jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 56(2)(c)(iii).
Melawana ya ntlha e e umakiwang mo go molawana wa 97(1), e tshwanetse go kwalwa ka tatelano kwa Palamenteng gore e tle e e letlelelwe pele ga letlha la 1 Sedimonthole 2009, mme e tshwanetse go letlelelwa pele Molao ono o simolola, mme fa go sa nne jalo, e tla tsewa gore e letleletswe ke Palamente.
Melao e e umakilweng mo go Setlhopha sa 4, e a phimolwa kgotsa e a fetolwa go fitlha ka fa go tlhagisitsweng ka teng mo kholomong ya boraro ya Setlhopha seo.
(a) Leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a tsa tsamaiso ya bosiamisi, le ka fetola ditlhwatlhwa tse di tlhotlhomisitsweng mo go Setlhopha sa 1, 2 le 3 sa Molao ono mo Kuranteng ya Molao.
Tlhwatlhwa nngwe le nngwe e e fetotsweng e tlhalosiwa mo temaneng ya (a), pele ga phasalatso mo Kuranteng ya Molao, e tshwanetswe go newa le go letlelelwa ke Palamente.
Molao ono, o bidiwa "Child Justice Act", 2008, mme o simolola go tsengwa tirisong ka kgwedi ya Moranang ngwaga wa 2010, kgotsa letlha lengwe le lengwe pele ga foo, le le beilweng ke Moporesidente ka go itsise batho semmuso mo Kuranteng ya Molao.
Bogodu, e ka ne e le ka fa molaong o o sa kwalwang kgotsa go ya ka molao o o kwadilweng, go amogela thoto e e utswitsweng o itse gore e utswitswe kgotsa bogodu ka tsela ya maaka, mo madi a a akarediwang a sa fete R2 500.
Tsietso, go tshosetsa motho gore a go neye sengwe, go dira khophi ya lokwalo kgotsa madi ka maikaelelo a go tsietsa mongwe le go tlhalosa sengwe ka mafoko kgotsa tlolo-molao e e umakiwang mo go "Prevention and Combating of Corrupt Activities Act" wa 2004 (Molao wa 12 wa 2004), mo madi a a akarediwang a sa fete R1 500.
Go senyetsa motho thoto ya gagwe ka swele, mo madi a a akrediwang a s fete R1 500.
Go tlhasela motho mme a sa ntshiwa kotsi e e masisi.
Go dira setatamente sa maaka.
Go nyatsa taelo ya kgotlatshekelo.
Maitsholo kgotsa puo e e utlwisang motho botlhoko kgotsa e e supang go tlhoka tlhompho mo Modimong kgotsa bodumeding.
Go dira sengwe se se sa siamang go nna se se sa siamang thata.
Go utlwisa maikutlo a mongwe botlhoko.
Maitsholo a go akangwang gore a tlhola ketsaetsego mo go tsa thobalano mme a sa amogelesege mo mothong mongwe.
Go tsaya karolo mo ditirelong tsa thobalano mo bathong ba ba nang le dingwga di le 18 kgotsa go feta, jaaka go umakiwa mo go molawana wa 11 wa "Criminal Law (Sexual Offences and related Matters), Act" wa 2007 (Molalo wa 32 wa 2007).
Thobalano magareng a motho le phologolo, e e umakiwang mo go molawana wa 13 wa "Criminal Law (Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act" wa 2007.
Ditiro tsa tumalano ya thobalano le bana (petelelo go ya ka molao o o kwadilweng) le ditiro tsa thobalano e e seng ka fa tumalanong le bana bangwe (go tlhasela motho ka tsa thobalano go ya ka molao o o kwadilweng), tse di umakilweng mme di le go ya ka molawana wa 15 le wa 16 wa "Criminal Law (Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act" wa 2007, ka go latelana.
Tlolo-molao nngwe le nngwe e e leng ka ga go tshola diritibatsi tse di sa dumelelwang ke molao, kwa ntle ga tlolomolao e e umakiwang mo go Item ya 17 ya Setlhopha seno, mo bontsi jo bo akarediwang bo sa feteng R500 ka tlhwatlhwa.
Tlolo-molao nngwe le nngwe e e kwadilweng mo molaong, e bogolo jwa kotlhao jo bo beilweng ke molao, e le go romolwa kwa kgolegelong lobaka lo lo sa feteng dikgwedi di le tharo kgotsa faene ya lobaka loo, e e badilweng go ya ka "Adjustment of Fines Act" wa 1991, (Molao wa 101 wa 1991).
Morero wa go dira tlolo-molao, go tlhotlheletsa motho go dira tlolo-molao kgotsa maiteko a go dira tlolo-molao nngwe le nngwe e e umakiwang mo Setlhopheng seno.
Bogodu, e ka ne e le go ya ka molao o o sa kwalwang kgotsa molao o o kwadilweng, go amogela thoto e e utswitsweng ka kitso ya gore e utswitswe, bogodu ka tsela ya go bua maaka, mo madi a a akarediwang a feta R2 500.
Tsietso, go tshosetsa motho gore a go neye sengwe, go dira khophi ya lokwalo kgotsa madi ka maikaelelo a go tsietsa mongwe le go tlhalosa sengwe ka mafoko kgotsa tlolo-molao e e umakiwang mo go "Prevention and Combating of Corrupt Activities Act" wa 2004 (Molao wa 12 wa 2004), mo madi a a akarediwang a sa fetang R1 500.
Go kgothosa, e seng ka go dirisa sebolai.
Go senyetsa motho thoto ya gagwe ka swele, mo madi a a akarediwang a sa feteng R1 500.
Go tlhasela motho, mo go akaretsang go ntsha dikgobalo tse di kotsi.
Tiriso-dikgoka ya fa phatlhalatseng.
Go bolaya e se ka maikemisetso.
Go fisa ntlu ya motho.
Go thuba mo tlung, e ka ne e le go ya ka molaong o o sa kwadiwang kgotsa o o kwadilweng, ka maikemisetso a go dira tlolo-molao.
Go tshelela motho botlhole.
Go baya ngwana mo maemong a a ka dirang gore a dire tlolomolao.
Go gapa motho ka dikgoka.
Go tlhasela motho ka tsela ya thobalano, go tlhasela motho ka tsela ya thobalano e a akanyang gore go siame go dira jalo kgotsa go itlhasela ka tsela ya thobalano e o akanyang gore go siame go dira jalo, tse di umakilweng mo go melawana ya 5, 6 le 7 ya "Criminal Law (Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act" wa 2007 (Molao wa 32 wa 2007), ka go latelana ga yona, mo motho a sa ntshiwang dikgobalo tse di masisi.
Go gapeletsa kgotsa go dira gore batho ba ba nang le dingwaga di le 18 kgotsa go feta ba lebe ditlolomolao tsa thobalano, ditiro tsa thobalano kgotsa go ikgotsofatsa ka tsa thobalano ka bowena, jaaka go umakiwa mo go molawana wa 8 wa Criminal Law (Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act'wa 2007.
Go letlelela kgotsa go dira gore ngwana a lebe dibuka kgotsa dibidiyo tsa batho ba ba sa aparang kgotsa ba ba dirang thobalano, jaaka go umakilwe mo go molawana wa 10 le wa 19 wa "Criminal Law (Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act" wa 2007, ka go latelelana ga yona.
Thobalano fag are ga batho e leng losika le thobalano le setopo, jaaka go umakiwa mo go molawana wa 12 le wa 14 wa "Criminal Law (Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act" wa 2007, ka go latelana ga yona.
Go bontsha motho mongwe dirwe tsa thobalano, phatlha ya marago kgotsa matsele a mosadi ("go bontsha dirwe tsa thobalano tsa monna"), jaaka go umakiwa mo go molawana wa 9 kgotsa wa 22 wa "Criminal Law (Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act" wa 2007.
Tshwenya setopo sa motho yo o tlhokafetseng kgotla go tshwenya lebitla.
Go kgoreletsa tsamaiso ya bosiamisi.
Tlolo-molao nngwe le nngwe e e umakilweng mo go molawana wa 1 kgotsa 1A wa "Intimidation Act" wa 1982 (Molao wa 72 wa 1982).
Tlolo-molao nngwe le nngwe e e leng ka ga ditiro tsa bosinyi tse di dirwang ke setlhopha sa batho, e e umakiwang mo go Kgaolo ya 4 ya "Prevention of Organised Crime Act" wa 1998 (Molao wa 121 wa 1998).
Sengwe le sengwe se se kgatlhanong le molawana wa 2 wa "Animals Protection Act" wa 1962 (Molao wa 71 wa 1962).
Tlolo-molao nngwe le nngwe e e leng ka ga go tshola diritibatsi tse di sa letlelelwang ke molao, tse di bakang tlwaelo mo mmeleng wa motho fa a di dirisa, kwa ntle ga tlolo-molao nngwe le nngwe e e umakiwang mo go Item 24 ya Setlhopha, tse di akarediwang mme di feta R500 fela di sa fete R5 000 ka tlhwatlhwa.
Tlolo-molao nngwe le nngwe ya molao o o kwadilweng, mo bogolo jwa kotlo jo bo beilweng ke molao e le go romelwa kwa kgolegelong lobaka lo lo sa feteng dikgwedi di le tharo mme ka fa tlase ga dingwaga di le tlhano kgotsa faene mo lobakeng leo, e badilwe go ya ka "Adjustment of Fines Act" wa 1991 (Molao wa 101 wa 1991).
Morero mongwe le mongwe wa go dira tlolo-molao, go tlhotlheletsa motho go dira tlolo-molao nngwe le nngwe e e umakiwang mo Setlhopheng seno.
Tlolo-molao e e ka nnang kotsi go Naga.
Go dirisa mantswe a a ka dirang gore batho ba tsogele puso kgatlhanong.
Go tshosetsa motho gore a go neya sengwe.
Go gapa motho ka dikgoka.
Petelelo kgotsa petelelo e motho a akanyang gore go siame fa a betelelwa ka tsela e e ntseng jalo, jaaka e umakiwa mo go molawana wa 3 le wa 4 wa "Criminal Law Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act" wa 2007 (Molao wa 32 wa 2007), ka go latelana ga yona.
Go tlhasela motho ka tsa thobalano, go tlhasela motho ka tsa thobalano mme a kanya gore go siame go amega mo go se se jalo kgotsa go letla go itlhasela ka bo-wena mo go tsa thobalano ka kakanyo ya gore go siame go amega mo se se jalo, tse di umakilweng mo go molawana wa 5, 6 le wa 7 wa "Criminal Law (Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act" wa 2007, ka go latelana ga yona, go akaretsa go ntsha dikgobalo tse di masisi.
Tiriso e e botlhaswa ya bana mo go tsa thobalano, go ruta bana ka tsa thobalano gore ba tle ba tsee karolo mo go tsona le go dirisa bana mo ditirong tsa go nna ba sa apara le go amega mo go tsa thobalano, tse di umakiwang mo go molawana wa 17, 18 le wa 20 wa "Criminal Law (Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act" wa 2007, ka go latelana ga yona.
go dirisa ngwana mo go tsa phonokerafi ya bana kgotsa go bona sengwe ka tsela efe kapa efe, go tswa mo phonokerafing ya bana, jaaka go tlhalosiwa ke molawana wa 20 wa (Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act, 2007.
Go dira gore bana ba lebe ditlolo-molao tsa thobalano ka go ba dira gore ba akanye gore go siame go dira jalo, jaaka go umakilwe mo go molawana wa 21 wa "Criminal Law (Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act" wa 2007.
Tshotlako ka tsa thobalano ya batho ba ba sa nnang sentle mo tlhaloganyong, katiso ya batho ba ba sa nnang sentle mo tlhaloganyong, go baya mo phatlalatseng kgotsa go dira gore batho ba ba sa nnang sentle mo tlhaloganyong ba bone phonokerafi, kgotsa go dirisa batho ba ba sa nnang sentle mo tlhaloganyong, go bona sengwe go tswa mo go seo, jaaka go umakilwe mo go molawana wa 23, 24, 25 le 26 wa "Criminal Law (Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act" ka 2007, ka go latelana ga yona.
Go gweba ka batho ka maikaelelo a go ba dirisa tsa thobalano, jaaka go umakiwa mo go molawana wa 71(1) le go tsaya karolo ka go gweba ka batho ka maikaelelo a tsa thobalano, jaaka go umakilwe mo go molawana wa 71(2) wa "Criminal Law (Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act" wa 2007.
Tlolo-molao nngwe le nngwe e e umakiwang mo go Karolo ya 1, 2 le ya 3 tsa Kgaolo ya 2 ya "Protection of Constitutional Democracy against Terrorist and Related Activities Act" wa 2004 (Molalo wa 33 wa 2004).
madi a a bonwang ka tsela e e seng ka fa molaong, e e tlhalosiwang mo go Kgaolo ya 3, ya "Prevention of Organised Crime Act" wa 1998 (Molao wa 121 wa 1998).
Polao ya batho ka mogoso, ditlolo-molao kgatlhanong le batho le ditlolo-molao tsa ntwa, tse di umakiwang mo go Tsenyeng tirisong ga "Implementation of the Rome Statute of the International Criminal Court Act" wa 2002 (Molao wa 27 wa 2002).
go tshola dithunya, dithuthupi kgotsa dibolai tse di seng mo molaong.
Tlolo-molao nngwe le nngwe e e umakiwang mo go molawana wa 13(f) wa "Drugs and Drug Trafficking Act" ka 1992 (Molao wa 140 wa 1992).
Tlolo-molao nngwe le nngwe e e masisi fa go tweng tlolo-molao e ne e dirwa ke motho, setlhopha sa batho, kgwebo kgotsa setlhopha sa batho se dirisanang mmogo go fitlhelela maikaelelo a a rileng mmogo le leano la sephiri le le dirwang ke batho ba ba rerang go dira sengwe se se seng mo molaong.
Tlolo-molao nngwe le nngwe e e kwadilweng mo molaong, fa bogolo jwa kotlo jo bo beilweng go ya ka molao e leng go romela kwa kgolegelong lobaka lo lo fetang dingwaga di le tlhano kgotsa faene mo boiemong jwa lobaka loo, e badilwe go ya ka "Adjustment of Fines Act" wa 1991 (Molalo wa 101 wa 1991).
Morero mongwe le mongwe wa go dira tlolo-molao, go tlhotlheletsa motho kgotsa batho go nna kgatlhanong le puso kgotsa maiteko a go dira tlolomolao e e umakilweng mo Setlhopheng seno.
Go phimolwa ga molawana wa 29.
"(2) Ondanks andersluidende wetsbepalings, word daar met geen persoon ten opsigte van wie die oplegging van gevangenisstraf ingevolge subartikel (1) verpligtend is, kragtens artikel [290 of] 297 van die Strafproseswet, 1977, gehandel nie.".
behoudens die bepalings van artikel 9 en artikel 59(2) van die "Child Justice Act", 2008, hetsy persoonlik of deur 'n regsverteenwoordiger, 'n vervolging ten opsigte van so 'n misdryf instel en voortsit in 'n hof wat bevoeg is om daardie misdryf te bereg.".
[Die] Behoudens artikel 4(2) van die "Child Justice Act", die metodes waarvolgens die aanwesigheid van 'n beskuldigde wat 18 jaar of ouer is in 'n hof vir die doeleindes van sy of haar verhoor verkry word, is inhegtenisneming, dagvaarding, skriftelike kennisgewing en by akte van beskuldiging ooreenkomstig die betrokke bepalings van hierdie Wet.
Die metodes waarvolgens die aanwesigheid van 'n beskuldigde wat onder die ouderdom van 18 jaar is, by 'n voorlopige ondersoek of "child justice court" verkry word is daardie metodes beoog in artikel 17 van die "Child Justice Act", 2008.".
Go fetolwa ga molawana wa 50 ke go phimolwa ga karolo ya molawana wa (4) le (5).
''(1) Behoudens artikel 4(2) van die "Child Justice Act", 'n [Beskuldigde] beskuldigde wat 18 jaar of ouer is en wat ingevolge artikel 54 gedagvaar word om by strafregtelike verrigtinge te verskyn en wat versuim om by die plek en op die datum en op die tyd te verskyn wat in die dagvaarding vermeld is of wat versuim om by bedoelde verrigtinge aanwesig te bly, is aan 'n misdryf skuldig en strafbaar met die straf in subartikel (2) voorgeskryf.'
''(1A) Die bepalings van artikel 46 van die "Child Justice Act", 2008, is van toepassing op 'n beskuldigde wat onder die ouderdom van agttien jaar is en wat versuim om te verskyn by 'n voorlopige ondersoek ingevolge 'n dagvaarding wat kragtens daardie Wet uitgevaardig is.''.
Go phimolwa ga molawana wa 71.
ka go tlosa temana ya (b) ya karolo ya molawana wa (1) le temana ya (b) ya karolo ya molawana wa (2).
''(3) ['n Beskuldigde wat onder die ouderdom van agtien jaar is, kan deur sy ouer of voog by strafregtelike verrigtinge bygestaan word, en 'n] Bykomend tot die bepalings van artikels 3(g), 38(2), 44(1)(b) en 65 van die "Child Justice Act", 2008, met betrekking tot die bystand van 'n beskuldigde wat onder die ouderdom van agttien jaar is deur sy of haar ouer of 'n gepaste volwassene by strafregtelike verrigtinge, kan 'n beskuldigde wat, na die oordeel van die hof, die bystand van iemand anders by strafregtelike verrigtinge nodig het, [kan,] met die toestemming van die hof, by bedoelde verrigtinge aldus bygestaan word.".
Go tloswa ga molawana wa 74.
''(1) [Indien] Bykomend tot die bepalings van artikel 63(5) van die "Child Justice Act", 2008, indien dit aan die hof blyk dat dit in strafregtelike verrigtinge wat voor daardie hof hangende is, in belang van die veiligheid van die Staat of van die goeie orde of van die openbare sedes of die regspleging sal wees dat bedoelde verrigtinge agter geslote deure gehou word, kan die hof gelas dat die publiek of 'n kategorie daarvan nie by sulke verrigtinge of enige deel daarvan teenwoordig mag wees nie."
ka go tlosa karolo ya molawana wa (4).
Behalwe waar hierdie Wet of die "Child Justice Act", 2008, uitdruklik anders bepaal of behalwe waar die feit van 'n vorige veroordeling 'n bestanddeel is van 'n misdryf waarvan 'n beskuldigde aangekla word, is getuienis nie by strafregtelike verrigtinge ten opsigte van 'n misdryf toelaatbaar om te bewys dat 'n beskuldigde by sodanige verrigtinge voorheen weens 'n misdryf, hetsy in die Republiek of elders, skuldig bevind is nie, en geen beskuldigde, indien as 'n getuie opgeroep, word gevra of hy of sy aldus skuldig bevind is nie.".
Go tloswa ga molawana wa 254.
vir 'n bepaalde tydperk wat nie drie jaar te bowe gaan nie, of in die geval van 'n skuldigbevinding aan enige misdryf bedoel in die Wysigingswet op die Strafreg (Seksuele Misdrywe en Verwante Aangeleenthede), 2007, vir 'n bepaalde tydperk van hoogstens vyf jaar.
vir 'n bepaalde tydperk wat nie vyf jaar te bowe gaan nie.
Go phimolwa ga molawana wa 290.
Go phimolwa ga molawana wa 291.
''en so 'n hof, hetsy hy, in die geval van 'n ander hof as 'n hof met gelyke of hoër regsbevoegdheid, anders saamgestel is al dan nie as wat hy ten tyde van bedoelde uitstel of opskorting was, kan dan, in die geval van subparagraaf (i), 'n bevoegde vonnis oplê [wat, waar die betrokke persoon onder die ouderdom van een-en-twintig jaar is, ook 'n bevel ingevolge die bepalings van artikel 290 kan insluit,] of, in die geval van subparagraaf (ii), die opgeskorte vonnis ten uitvoer lê.
''(i) wat, in die geval van gevangenisstraf (met inbegrip van aanhouding in 'n [verbeteringskool soos in artikel 1 van die Wet op Kindersorg, 1983 (Wet 74 van 1983), omskryf] 'child and youth care centre' wat 'n program beoog in artikel 191(2)(j) van die "Children's Act", 2005 (Wet No. 32 van 2005), aanbied), 'n tydperk van drie maande te bowe gaan, indien opgelê deur 'n regterlike amptenaar wat nie die substantiewe rang van landdros of hoër vir 'n tydperk van sewe jaar beklee het nie, of wat 'n tydperk van ses maande te bowe gaan, indien opgelê deur 'n regterlike amptenaar wat die substantiewe rang van landdros of hoër vir 'n tydperk van sewe jaar of meer beklee het;''.
indien daardie persoon tot lewenslange gevangenisstraf deur 'n streekhof kragtens artikel 51(1) van die Strafregwysigingswet, 1997 (Wet 105 van 1997), gevonnis is, kan hy of sy sodanige appèl aanteken sonder om aansoek te doen om verlof ingevolge artikel 309B]: Met dien verstande [voorts] dat die bepalings van artikel 302(1)(b) van toepassing is ten opsigte van 'n persoon wat 'n appèl behoorlik teen 'n skuldigbevinding, vonnis of bevel soos in artikel 302(1)(a) beoog, aanteken.''.
''(a) Behoudens artikel 84 van die "Child Justice Act", 2008, moet 'n beskuldigde ['n Beskuldigde, behalwe 'n persoon beoog in die eerste voorbehoudsbepaling by artikel 309(1)(a),] wat 'n appèl teen 'n skuldigbevinding of 'n gevolglike vonnis of bevel van 'n laer hof wil aanteken, [moet] by daardie hof aansoek doen om verlof om teen die skuldigbevinding, vonnis of bevel te appelleer.".
''(a) 'n Beskuldigde, behalwe 'n kind beoog in die "Child Justice Act", 2008, [beoog in die eerste voorbehoudsbepaling by artikel 309(1)(a) of] wat in die stadium wanneer hy of sy skuldig bevind of gevonnis word, nie verteenwoordig is nie, moet deur die voorsittende beampte van sy of haar regte ten opsigte van appèl en regsverteenwoordiging en van die korrekte prosedures om aan vermelde regte uitvoering te gee, ingelig word.''.
''(a) Behoudens artikel 84 van die "Child Justice Act", 2008, 'n [Beskuldigde, behalwe 'n persoon beoog in paragraaf (c),] beskuldigde wat aan 'n misdryf deur 'n Hoë Hof skuldig bevind is, kan by daardie hof aansoek doen om verlof om te appelleer teen sodanige skuldigbevinding of teen 'n gevolglike vonnis of bevel.'
molawana wa (1).
weens die ten laste gelegde misdryf indien die juiste ouderdom bewys was nie.
"'assessering' 'n proses van ontwikkelingsgerigte beoordeling of evaluering van 'n persoon, die gesinsomstandighede van die persoon, die aard en omstandighede van die beweerde pleeg van 'n misdryf, die gevolge daarvan op die slagoffer, die houding van die beweerde oortreder met betrekking tot die misdryf en enige ander tersaaklike factor, en, in die geval van 'n kind, ook 'n "assessment" soos beoog in die "Child Justice Act", 2008 ;".
'''afwending' afwending van die formele hofproses met of sonder voorwaardes en, in die geval van 'n kind, ook "diversion" soos beoog in die "Child Justice Act", 2008;".
Justice Act", 2008;".
"familiegroepkonferering" 'n byeenkoms saamgeroep deur 'n proefbeampte as 'n afwendings- of strafopsie om 'n herstellende geregtigheidsrespons op te stel na aanleiding van die oortreding en, in die geval van 'n kind, ook 'n "family group conference" beoog in die "Child Justice Act", 2008;".
Go fetolwa ga molawana wa 3(e) le (f) ka go tsenya mo boemong jwa "verbeteringskool" fa go tlhagelela tlhaloso e e reng "'child and youth care centre' wat 'n program beoog in artikel 191(2)(j) van die "Children's Act", 2005 (Wet No. 32 van 2005), aanbied".
''(3) (a) Indien 'n proefgeval, behalwe 'n proefgeval wat onderhewig is aan die bepalings van die "Child Justice Act", 2008, versuim om die voorwaardes waarop hy onder die toesig van 'n proefbeampte gestel is, na te kom, kan 'n proefbeampte by 'n landdros of vrederegter skriftelik aansoek doen om die uitreiking van 'n lasbrief tot die inhegtenisneming van daardie proefgeval.
Indien 'n lasbrief bedoel in paragraaf (a) uitgereik word, kan die betrokke proefgeval deur 'n vredesbeampte soos omskryf in artikel 1 van die Strafproseswet, 1977 (Wet 51 van 1977), in hegtenis geneem word en word daar met hom gehandel ooreenkomstig die bepalings van artikel 50 van genoemde Wet, en daarop is die bepalings van artikel 276A(4) van genoemde Wet mutatis mutandis van toepassing.
Indien 'n proefgeval wat onderhewig is aan die bepalings van die "Child Justice Act", 2008, versuim om die voorwaardes waarop hy of sy onder die toesig van 'n proefbeampte gestel is, n ate kom, is die bepalings van artikels 24(7) en 58 van daardie Wet van toepassing.".
Go tloswa ga molawana 4B.
Go fetolwa ga ditlhaloso tsa "pleegkind" le "pleegouer" tse di leng mo go molawana wa 1, ka go fetolwa ga tlhaloso ya "artikel 290 van die Strafproseswet, 1977" ka tlhaloso ya "artikel 72 of 76 van die "Child Justice Act", 2008".
"(4) Die Kommissaris mag, in oorleg met [die Direkteur-Generaal van die Departement van Welsyn] 'n provinsiale hoof van onderwys, of 'n provinsiale hoof van welsyn, na gelang van die geval, 'n gevonniste kind oorplaas na 'n [verbeteringskool] "child and youth care centre" wat 'n program beoog in artikel 191(2)(j) van die "Children's Act", 2005 (Wet No. 32 van 2005), aanbied [soos voorsien in die Wet op Kindersorg, 1983 (Wet 74 van 1983),] en vanaf die datum van sodanige oorplasing sal die bepalings van artikel [290 van die Strafproseswet] 76 van die "Child Justice Act", 2008, van toepassing wees.".
ka go tsenya mo boemong jwa ona mafoko ano "artikel 71 van die Strafproseswet'' nako le nako fa e tlhagelela mo thulaganyong ya mafoko ano a ''artikel 24(4)(d) of 26 van die "Child Justice Act", 2008'.
''(e) diegene wat onder die toesig van 'n korrektiewe beampte geplaas is ingevolge artikel[s] 62(f)[, 71, 290(1)(a) en 290 (3)] van die Strafproseswet of artikel 24(4)(d), 75 of 76 van die "Child Justice Act", 2008.".
Setlhopha seno, se tlhalosa ka botlalo kopano le kamano magareng Molao wa Tsamaiso ya Tshekotshenyo, 1977 le Molao wa Bosiamisi wa Bana, 2008. Se neelana ka kaedi mo go batho ba ba tsayang karolo mo tirisong ya "Child Justice Act". Setlhopha seno ga se karolo ya Molao le gona ga se na dithata tsa molao. Se diretswe fela go kaela le go tlhalosa sentle ditsamaiso tse di leng mo Melaong eno ka bobedi.
Setlhopha seno se tshwanetswe go bonwa go ya ka fa mokgweng wa gore Molao wa Bosiamisi wa Bana o tlisa di tsamaiso di le mmalwa tse di ntšha, tse di sa bonagaleng go tswa mo tlhalosong ka botlalo. Mo go sa kwalwang sepe teng, mo Kholomong ya boraro, go supa dikarolo tsa Molao wa Tsamaiso ya Tshekotshenyo ("Criminal Procedure Act") (CPA) e e iseng e amiwe ke Molao wa Bosiamisi wa Bana ("Child Justice Act") (CJA), mme e e leng gore e tla dirisiwa mo lobakeng lwa bana.
Go feta foo, molawana wa 4 wa Molao wa Bosiamisi wa Bana, o tlhalosa gore Molao wa Tsamaiso ya Tshekotshenyo, e dirisiwa mo lobakeng lwa bana, kwa ntle ga fa Molao wa Bosiamisi wa Bana e tlhalosa ka ga ditsamaiso tse di farologaneng tsa go fetolwa le go tlaleletsa.
Molaotlhomo wa Bosiamisi jwa Ngwana wa 2008 (Molaotlhomo), o tswa mo dipatlisisong le mo ripotong ya bosiamisi jwa baša, tse di dirilweng ke Khomishene ya Molao Tlhabololo ya Aforika Borwa. E ikaelela go tlhoma tsamaiso ya bosiamisi kgatlhanong le bosenyi mo baneng ba ba leng kgatlhanong le molao. Molaotlhomo o diragatsa dingwe tsa ditshwanelo tsa bana tse di kwadilweng mo go molawana wa 28 wa Molaotheo mmogo le Tumalano ya Ditšhaba Kopano ka ga Ditshwanelo tsa Ngwana, le go ya ka Sekwalwa sa semolao sa Aforika Borwa se se ka ga Ditshwanelo le Itekanelo ya Ngwana, tse Aforika Borwa e di saenetseng.
go tlhoma leano le le popota la go diragatsa bosiamisi mo tsamaisong ya bosiamisi kgatlhanong le bosenyi mo baneng ba tlotseng molao.
Khomishene ya Molao Tlhabololo ya Aforika Borwa, e buisane le batho ba le bantsi ka nako e e neng e dira dipatlisiso mme e ne ya kopa go utlwa maikutlo go tswa mo ditlhopheng tsa batho ba ba neng ba na le kgatlhego go tswa mo mafapheng a puso le a poraefete, mo nageng-selegae le kwa dinageng tsa kwa ntle. Komiti ya Ditona tsa Puso, e e neng le maikarabelo mo go tsa Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo, le yona e ne ya kopa go utlwa maikutlo a batho go tswa mo ditlhopheng tsa batho, ka nako e e neng e akanya kgotsa e dira dipuisano ka ga Molaotlhomo. Molaotlhomo o tlhamolwe go tswa mo dikakanyong tsa batho ba le bantsi le mekgatlho kgotsa ditlhopha tsa batho tse di dirileng ditshotshinyo kwa Komiting.
4.1 Ka nako e Molaotlhomo o neng o tlisiwa kwa Palamenteng ka yona, go ne ga dirwa ka botlalo dipalopalo tsa madi a a tla dirisiwang ka nako ya fa Molaotlhomo o tla bong o tsengwa mo tirisong. Ka ntlha ya seo, go ne ga beelwa kwa thoko madi a a tla neelwang Mafapha a a tsayang karolo. Puo nngwe e Molaotlhomo o tla kwalwang ka yona, a madi a yona a neng a beetswe kwa thoko go tloga kwa tshimologong, e ne ya fetolwa thata ke Komiti e e nang le maikarabelo mo go tsa Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo.
4.2 Tsamaiso ya kwalololoboša le togamaano ya go tsenya tirisong Molaotlhomo, e setse e simolotse. Mafapha a a tsayang karolo, a a eteletsweng pele ke Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo, a dira togamaano e e ka ga ditshitshinyo tse di dirwang ke lefapha lengwe le lengwe, le go tsenya tirisong ditogamaano tsa motlhakanelwa, mo godimi ga madi a a tla dirisiwang mo tsamaisong ya MTSF mo dingwageng di feta tharo. Tsona di tshwanetswe go newaMolaodi-Kakaretso wa lefapha lengwe le lengwe mmogo le Komiti ya Ditona ya JCPS.
khutshwane mmogo le lobaka le le beilweng la tshimilogo ya ona.
Baeletsi ba Molao ba Puso mmogo le Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo, ba akanya gore Molaotlhomo o tshwanetse go dirisiwa go ya ka tsamaiso ya e e tlhomolweng ke molawana wa 75 wa Molaotheo, ka go nne o sa tlhalose sepe ka mokgwa wa tsamaiso o o kwadilweng mo go molawana wa 74 kgotsa wa 76 wa Molaotheo.
<fn>Hansards. LabourBroking.2009-11-11.tn.txt</fn>
Bokgokaganyi ba khiro ya badiri ke mokgwa oo motho kgotsa khamphani e thapang badiri ba nakwana ka go ba neela mongtiro kgotsa khampani e ba e direlang gore motho yoo a ba kgokaganyang kgotsa khamphani eo e ba kgokanyang e iponele madi e le mokgwa wa tefo. Mokgokaganyi wa khiro ya badiri ke motho kgotsa khamphani e e neelang ka tirelo e.
Bokgokaganyi ba khiro ya badiri bo tshwana fela le se ga jaana se bidiwang Ditirelo tsa Thapo ya Nakwana (TES). Go nnile le kgolo e e bonalang mo seketareng e, naga ka bophara. Nngwe ya dikao tsa bokgokaganyi ba khiro ya tsa badiri le TES di tlhageletse mo temothuong gonne balemirui ba batla badiri ba tlaleletso ka nako ya go kotula.. Ka jalo badiri ba ne ba thapiwa le go kobiwa ke molemirui a ikaegile ka ditlhoko tsa bona tsa ditlha. Moragonyana, bakgokaganyi ba khiro ya badiri ba ne ba tsena go neelana ka ditirelo tsa ditlhopha tsa bakgetlhi kgotsa bakotudi.
Diphetogo tsa ditlha tse di tlhotlholetswang ke topo ya dikuno.
Tlhokego e khutshwane ya badiri ba ba nang le bokgoni jo bo sa bonweng bonolo.
Go na le molao o o amang intaseteri ya bokgokaganyi ba khiro ya badiri. Le fa go se ope yo o ka gapeletswang go dirisa bokgokaganyi ba khiro ya badiri, fela go mo setlwaeding go batho bao ba nang le bokgoni jo bo tlhaelang, jaaka badiri ba dipolaseng ba ba dirang ka ditlha, go ka itemogela mathata a go bona tiro kwa ntle ga go dirisa mokgokaganyi wa khiro ya badiri.
Molao 66 wa 1995 wa Dikamano tsa Badiri.
Molao wa Dikamano tsa Badiri o tlhalosa melawana le maemo a ditirelo tsa thapo ya nakwana. E dira gore go nne le maemo a go tsena mo konterakeng le bakgokaganyi ba khiro ya badiri. Go ya ka Molao o, mokgokaganyi wa khiro ya badiri le moamogedi wa tirelo ka bobedi, ba tshwanetse go dumelana le melao ya tsa badiri. Fela jaaka kgwebo e nngwe le e nngwe, bakgokaganyi ba khiro ya badiri ba ka se kgone go iphaposa mokgwa mongwe le mongwe wa molao wa badiri.
Molao wa Maemo a Thapo ya Motheo (BCEA) o neelana ka bonnye ditlhoko tseo bathapi ba tshwanetseng go di fitlhelela fa ba tsenela konteraka le badiri. Konteraka nngwe le nngwe e e saenilweng magareng ga mothapi le modiri ga e a tshwanela go se obamele BCEA.
Molao wa tlhabololo ya bokgoni o tlhoka motho mongwe le mongwe kgotsa kgwebo, yo o eletsang go neelana ka ditirelo tsa thapo go ka kwadisiwa. Baneedi ka ditirelo tsa thapo sk. bakgokaganyi ba khiro ya badiri, ba ka kwadisiwa fela fa ba kgona go fitlhelela tse di rileng tse di umakilweng mo Molaong.
Go ya ka molao o, badiri ba tshwanetse go phimolwa keledi mabapi le bogole kgotsa kgobalo nngwe le nngwe e ba ka e bonang kgotsa bolwetsi jo ka bo bonang e le ka ntlha ya ditlamorago tsa maikarabelo a ditiro tsa bona. Molao o neelana gape ka phimola keledi e tebang le loso e le ka ntlha ya ditlamorago tsa dikgobalo kgotsa bolwetsi jo bo jalo.
Bakgokaganyi ba khiro ya badiri ba bua fa bona e se bathapi, fela e le baamogedi ba ditirelo ba bona e le bona bathapi sk. balemi. Ka fa letlhakoreng le le lengwe dikhamphani tse di dirisang ditirelo tsa bakgokaganyi ba khiro ya badiri ba bua fa bakgokaganyi e le bona bathapi. Seno se bakile go etsaetsega mo go badiri bao ba iphitlhelang ba le mo gare ga ditlhakantsuke tse.
Badiri ba ba thapiwang ka go dirisa bakgokaganyi ba khiro ya badiri, ba ka iphitlhela ba le mo kotsing e kgolwane fa ba ka gobala mo tirong. Ke mang yo o tla rwalang maikarabelo a dintlha tse di amanang le boitekanelo le pabalesego le phimola keledi ya dintlha tse di amanang le se?
Le fa e le gore bokgokaganyi ba khiro ya badiri bo neelana ka ditšhono tsa tiro go badiri ba nakwana, ditshwanelo tsa tiro ya nakwana di ka tlhola go tlhaela fa di bapiswa le ditshwanelo tse badiri ba leruri ba nang natso jaaka maikhutso, megolo le phenšene.
Badiri ba nakwana ka gale ba lopiwa go saena tumelano ya gore fa o sa dire ga o duelwe mme e na le ditshwanelo tsa tiro tse di tlhaelang go na le tsa badiri ba leruri.
Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Badiri (ILO) le maloko a ona ba tlhamile kakanyo ya ditiro tse di amogelesegang. Maloko a tsenyeletsa dipuso, mekgatlho ya badiri le bathapi. ILO e tshegeditse Lenaneo la Ditiro tse di amogelesegang go tloga ka 1999. Maikaelelo a Lenaneo ke go tsweletsa morero wa tlhabologo le go lwantsha bohuma.
modiri mongwe le mongwe a bone lotseno leo le mo letlang go nna le botshelo jo bo botoka.
tšhono e e lekalekanang ya tlhabololo ya motho.
megatlo ya badiri e tla letlelelwa go latlhela tlhware legonnyana mo mererong ya tsa tiro.
Go tlhama ditiro.
Go lemoga le go sireletsa ditshwanelo kwa tirong.
Go atolosa tshireletso ya loago, k.r.g go banna le basadi ba nne le tiro e e babalesegileng le go duelelwa tiro e ba e dirileng.
Go tsweletsa puisano le tharabololo ya dikgotlhang, k.g.r go dira gore mekgatlho ya badiri e tshameke karolo e e botlhokwa mo go efogeng dikgotlhang tsa mo tirong.
Ke diintaseteri dife tse di amilweng thata ke bokgokaganyi ba khiro ya badiri?
Go ya ka karolo ya Palamente ya go tsamaisa merero e e kwa setlhoeng sa setšhaba, Palamente e ka rata go utlwa dikakanyo tsa baamegi, go tsenyeletsa le mekgatlho ya badiri, setšhaba le bakgokaganyi ba khiro ya badiri ka ga bokgokaganyi ba khiro ya badiri.
Nna karolo ya sona!
Tsenela ditheetso mme o reediwe, kgotsa romela ditshwaelo tsa gago go: The Committee, Albertina Kakaza.
Go aga palamente e nonofileng ya batho, e tsibogelang ditlhoko tsa batho tse di kgweediwang ke maikaelelo a temogo ya botshelo jwa boleng jo bo tokafetseng jwa batho botlhe ba Aforika Borwa.
E tlhagisitswe ke Kantoro ya Thuto ya Setšhaba, Ditirelo tsa Tlhaeletsano tsa Palamente.
Etela webosaete ya Palamente ya rona www.parliament.gov.
<fn>Hansards. LiftMessage.2009-11-11.tn.txt</fn>
Lower ground, doors opening. (Boalo jwa Lower ground, mejako e a bulega)
Upper ground, doors opening. (Boalo jwa Upper ground, mejako e a bulega)
Floor 1, doors opening. (Boalo jwa ntlha, mejako e a bulega)
Floor 2, doors opening. (Boalo jwa bobedi, mejako e a bulega)
Floor 3, doors opening. (Boalo jwa boraro, mejako ea bulega)
Floor 4, doors opening. (Boalo jwa bone, mejako e a bulega)
Floor 5, doors opening. (Boalo jwa botlhano, mejako e a bulega)
Floor 6, doors opening. (Boalo jwa borataro mejako e a bulega)
Floor 7, doors opening.(Boalo jwa bosupa mejako e a bulega)
Floor 8, doors opening. (Boalo jwa borobedi mejako e a bulega)
<fn>Hansards.NABrochure.2009-11-11.tn.txt</fn>
Palamente e na le Dintlo tse pedi, e leng Ntlokokoano Bosetšhaba le Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense.
Ntlokokoano Bosetšhaba (NA) e tlhophiwa mo dingwageng di le tlhano mo ditlhopong tsa naga.
Ka nako ya ditlhopho, batlhophi ba tlhopha kemedi e ba e ratang ka go tlhopha makoko a sepolotiki a ba a ratang.
Nngwe ya ditirokgolo tsa Ntlokokoano Bosetšhaba(NA) ke go dira melao e naga e busiwang ka yona.
Ntlokokoano Bosetšhaba e romela Melaotlhomo kwa Dikomiting go ntshetswa pele le go buisana.
Ntlokokoano Bosetšhaba e ka amogela, ya gana kgotsa ya busetsa Molaotlhomo morago kwa Dikomiting go tsweletsa dipuisano.
Palamente e na le boikarabelo jwa go sekaseka, go lekola le go baa leitlho ditiro tsa puso kgotsa karolo nngwe le nngwe ya Puso mabapi le tiragatso ya melao, tiragatso ya tekanyetsokabo le kobamelo ya Molaotheo.
Palamente e rwesa Bokhuduthamaga boikarabelo jwa go atlanegisa tekanyetso kabo ka go botsa dipotso tsa Palamente, go nna le dipuisano tsa palamente mabapi le dintlha tse di botlhokwa le ka go tshisinya go boutela ditshitshinyo tsa dintlha tse di amanang le tiro ya puso.
Ntlokokoano Bosetšhaba e na taelo ya molaotheo go tlhopha Moporesidente wa Aforika Borwa go tswa mo Malokong a yona.
Ntlokokoano Bosetshaba e na le Maloko(MPs) a le 400 a Palamente a a tlhophilweng.
Maloko a Ntlokokoano Bosetšhaba a tlhophiwa ka mokgwa wa palo ya kemedi.
Pele go ditlhopho, lekoko lengwe le lengwe le thala lenaane la bontlhopheng go ya ka go tatelano ya maina . Bontlhopheng bano. ba tlhopiwa go ya ka palo ya diboutu tse lekoko le di gapang mo ditlhophong.
Mo kopanong ya ntlha ya Ntlokokoano Bosetšhaba, Maloko a Ntlokokoano Bosetšhaba a tlhopha Batlhankedibakaedi ba Ntlo.
The Presiding Officers are entrusted to run the affairs of the NA.
Batlhankedibakaedi ba fiwa dithata tsa go tsamaisa merero ya Ntlokokoano Bosetšhaba.
Mmusakgotla le Motlatsa Mmusakgotla ba Palamente ba tsamaisa dikopano tsa Ntlokokoano Bosetšhaba.
Ba netefatsa go re Maloko a Palamente a bua ka kgololosego, fela ba latela melao ya Ntlo.
Melao ya Ntlo e letla Badulasetilo go thusa Bakaedibatlhankedi go dira tiro ya bona. Badulasetilo ba solofetswe go tsamaisa dikopano tsa Ntlo.
Go neelana ka thuso ya sepolotiki le togamaano go Babusakgotla.
Lekoko lengwe le lengwe la sepolotiki la Ntlokokoano Bosetšhaba le tlhopha Seme Segolo go tsamaisa merero ya lona..
Dime di tlhokomela Maloko a makoko a tsona.
Moeteledipele wa Ditiro tsa Puso.
Moporesidente o tlhopha Moeteledipele wa Ditiro tsa Puso yo o dirisanang le batlhankedi ba Matlo ka bobedi.
Moeteledipele wa Ditiro tsa Puso o rwala boikarabelo jwa go tlhokomelo dikgatlegelo tsa Kabinete le Ditiro tsa Palamente.
Moeteledipele wa Ditiro tsa Puso o netefatsa go re Maloko a Kabinete a dira tiro ya bona ya palamente.
Bontsi jwa tiro ya Ntlokokoano Bosetšhaba bo diragatswa kwa Dikomiting.
Dikomiti tsa Ntlokokoano Bosetšhaba di bidiwa Dikomoti tsa tiro ya Lefapha.
Tiro ya komiti nngwe le nngwe e amana le lefapha la puso le le maleba. Sekai Dikomoti tsa tiro ya Lefapha la Kgwebisano le Madirelo le dira ka dintlha tsotlhe tse di amanang le lefapha leno.
Komiti nngwe le nngwe e nale Modulasetulo go netefatsa tsamaiso ka thelelo.
Dikomoti tsa tiro ya Lefapha di na le maikarabelo a dipuisanong, dingangisano le go fetola Melaotlhomo.
Dikomiti di ka tshwara Ditheetso tsa Phatlhalatsa mabapi le molao kgotsa tse di amanang le one.
Dikomiti gape di na le boikarabelo jwa go baa leitlho le go lekola ditiro tsa mafapha a puso.
Go ya ka Molaotheo, Palamente e gapeletsega go akaretsa setšhaba go dira molao le ditsamaiso tsa yona.
Dikomoti tsa tiro ya Lefapha di gapeletsega go buisana le setšhaba go re ba kgone go neelana ka ditshwaelo ka Molaotlhomo go reetsetsa maikutlo a bona mabapi le dintlha tse di botlhokwa tsa naga.
Setšhaba se rotloediwa go tsaya karolo ka botswapelo fa Dikomiti di tshwara Ditheetso tsa Phatlhalatsa.
Batho kgotsa ditlhopa ba rotloetswa go neelana ka maikutlo a bona ka mokgwa wa go kwala kgotsa go bua ka molomo ka ga dintlha tse di ba amang.
Go tsenela dikopano tsa Dikomoti tsa tiro ya Lefapha.
Go ikgolaganya le Maloko a Palamente a a dirang mo go Ntlokokoano Bosetšhaba go botsa kgotsa go kopa tshedimosetso mabapi le tiro ya bona mo Palamenteng.
Go tsenela Ditheetso tsa Phatlhalatsa tse di tshwarwang ke Dikomoti tsa tiro ya Lefapha.
Go nna teng mo dipuisanong tsa Ntlo.sk..
Go ipelaetsa ka go kwalalela Palamente ka dintlha tse di ba tlhobang boroko. Go ipelaetsa go tshwanetse go nna le tshegetso ya Leloko la Palamente.
<fn>Hansards.NCOPContent.2009-11-11.tn.txt</fn>
Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense (NCOP), eo e nang le baemedi ba le 90.
Molaotheo o a re NCOP e emela diporofense go netefatsa gore dikgatlhego tsa diporofense di tsewa tsia mo lephateng la bosetšhaba la puso.
E dira seno bogolosegolo ka go tsaya karolo mo tsamaisong ya lekgotlapeomola la bosetšhaba, le ka go nna le foramo e mo go yona go tshwarwang dingangisano ka dintlha tse di botlhokwa tse di amang diporofense.
NCOP gape e netefatsa gore matshwenyego a puso selegae a emelwa kwa maemong a a kwa godimo.
NCOP e tlhamiwa ke baemedi ba diporofense tse di tlhophilweng ke makgotlapeomola a diporofense, le baemedi ba Lekgotla la Dipuso Selegae la Aforika Borwa (SALGA).
baemedi ba le leruri ba le thataro.
Baemedi be etelelwa pele ke Tonakgolo ya porofense e nngwe le e nngwe, yo o leng mongwe wa baemedi ba ba kgethegileng.
Fa go tlhokega, Tonakgolo a ka thapa mongwe go tsaya maemo a gagwe.
Kemedi ya SALGA e tlhophiwa ke komitikhuduthamaga ya yona go tswa mo setlhopheng sa baemedi ba Makgotla a Puso Selegae mo diporofenseng di le robonngwe.
Batlatsamodulasetilo ba babedi.
Baofisiri bano ba tsamaisa tiro ya NCOP le go etelela pele dingangisano, ba netefatsa gore baemedi ba bua ka kgololosego mme ba ntse ba obamela melao ya Ntlo.
Motlatsamodulasetilo wa leruri o tlhophiwa go nna dingwaga di le tlhano fa Ditonakgolo tsa diporofense ba refosana go nna Batlatsamodulasetilo mo ngwageng.
NCOP e tsewa jaaka setheo go fitlhelela pusotshwaraganelo le botsaakarolo mo temokerasing, ga mmogo le go nna pinagare ya tlhaeletsano ya matshwenyego a dipuso selegae le matshwenyego a diporofense kwa maemong a bosetšhaba.
NCOP e neelana ka maikutlo a diporofense di le robonngwe tsa Aforika Borwa le neela gape puso selegae polatefomo ya go tsaya karolo mo dipuisanong tsa go dira molao kwa maemong a bošetshaba.
E tshwanetse go leba le go sekaseka Melaotlhomo yothe ya bosetšhaba.
E ka dira kgotsa ya baakanya Melaotlhomo e e welang ka fa gare ga Šejule 4 ya Molaotheo (merero eo lekgotlapeomolao ya bosetšhaba le makgotlapeomelao a diporofense di tshwaraganelang maatla a go dira molao) le melaotlhomo e e rileng e e amang diporofense.
Bontsi jwa tiro ya go dira melao e dirwa ke dikomiti, fela Melaotlhomo yotlhe e tshwanetse go isiwa kwa kokoanong ya NCOP go ka ngangisanwa ka yona le go e boutelwa gore e a amogelwa kgotsa e a ganwa.
Melaotlhomo e e sa ameng diporofense ke eo e amanang le ditiro tsa bosetšhaba, jaaka pabalesego, merero ya kwa ntle, le boatlhodi.
Fa Melaotlhomo e e jalo e fetisetswe ke Kokoanobosetšhaba, e e isiwa kwa NCOP gore e boutelwe.
Fa NCOP e batla go dira diphetogo mo Molaotlhomong, e boela gape kwa go Kokoanobosetšhaba, eo e ka amogelang kgotsa ya gana diphetogo.
Dikao tsa Melaotlhomo e e amang diporofense e tsenyeletsa thuto, dipalangwa, le boitekanelo.
Bontsi jwa Melaotlhomo e ka itsisiwe kwa NCOP ke nngwe ya Dintlo tse pedi; fela go na le Melaotlhomo e e tshwanetseng go simolola kwa Kokoanobosetšhaba.
Fa go boutelwa Melaotlhomo e kwa NCOP, porofense e nngwe le e nngwe e na le boutu e le nngwe.
Fa go na le go sa dumelane magareng ga NA le NCOP ka ga Molaotlhomo o o amang diporofense, Molaotlhomo o tla romelwa kwa Komiting Tsereganyo.
Fa Molaotlhomo o tlhabolola kgotsa o fetola molaotheo o o amang diporofense ka tlhamalalo, bonnye diporofense di le thataro mo go di le robonngwe mo NCOP di tshwanetse go dumela.
Fa Molaotlhomo o o tlhabololang molaotheo o sa ame diporofense ka tlhamalalo molaotheo o tlhoka NCOP go ngangisana ka Molaotlhomo (kwa ntle le go bouta) pele o ka fetela kwa NA go boutelwa.
Go ela maemo tlhoko ke thata ya semolaotheo e e neyang Palamente (go tsenyeletsa Makgotlapeomolao a Diporofense) go netefatsa le go ela tlhoko ditiro tsa puso.
NCOP ela maemo tlhoko maphata a bosetšhaba a amang diporofense le dipuso selegae.
NCOP e ka kopa leloko la Kabinete, moofisiri mo pusong ya bošetshaba kgotsa mo pusong ya porofense go nna gona mo kopanong ya Khansele kgotsa ya komiti ya Khansele.
Baemedi ba NCOP ba ka botsa ditona tsa Kabinete dipotso tseo di tshwanetseng go arabiwa kwa NCOP.
NCOP kgotsa nngwe ya dikomiti tsa yona di ka amogela diphetišene, kemedi kgotsa ditlhagiso go tswa go ditheo kgotsa batho bangwe le bangwe ba ba nang le kgatlhego.
NCOP e etela baagi go ela maemo tlhoko le go netefatsa gore ba bona tshedimosetso ka tlhamalalo ka ga ditlhoko le dikgwetlho tsa batho.
Dikomiti tsa NCOP di bidiwa Dikomiti tse di kgethegileng, sekao, Komiti e e kgethegileng ya tsa Dintlo, Ditiro tsa Setšhaba le Dipalangwa.
Komiti e nngwe le e nngwe e sala morago tiro ya mafapha a a rileng a puso. Komiti gape e ngangisana le go tlhabolola Melaotlhomo, le go rulaganya ditheetso tsa phatlhalatsa fa go na le ntlha e e amang setšhaba.
Dikomiti di ka bitsa mongwe le mongwe go neela ka bopaki kgotsa go tlhagisa ditokomane, mme ba ka kopa setheo kgotsa motho mongwe le mongwe go neelana ka pego go bona.
Fa go setse go tshwerwe dingangisano tsa molaotlhomo ke komiti, o isiwa kwa NCOP gore o boutelwe.
Kemedi nngwe le nngwe ya porofense e na le boutu e le nngwe go tlhopha mo boemong jwa porofense ke moeteledipele wa kemedi.
Maloko a setšhaba a ka nna le seabe se se mosola mo go eleng maemo tlhoko ka go netefatsa gore puso e arabela ditlhoko tsa batho.
Tshwaelo go komiti ya Palamente ke tsela nngwe ya go dira gore lentswe la gago le utlwagale kwa Palamenteng.
Ka go dira tshwaelo, o na le tšhono ya tshosometso ya maikutlo a maloko a komiti ba ba buisanang le go ngangisana ka karolo e e rileng ya molao pele o ka wediwa.
Phetišine ke tsela ya go tlisa ngongorego kgotsa go tlhagisa ntlha ya matshwenyego a setšhaba go Palamente gore e tsaye dikgato go ya ka dithata tsa yona.
Tshwanelo ya go neelana ka phetišine go Palamente ke tshwanelo ya moagi mongwe le mongwe wa naga mme e gona le mo Molaotheong wa rona.
Motho mongwe le mongwe, ditlhopha kgotsa mokgatlho o na le tshwanelo ya go neelana ka phetišene go Palamente.
Maloko a setšhaba a ka ikgolaganya le bo MP mo dikantorong tsa kgaolotlhopo go kgabaganya naga kgotsa Palamente fa o batla go iponela tshegetso ya bona ka ntlha e e go tshwenyang kgotsa fa o tlhoka thuso ka bothata jo bo rileng.
<fn>Hansards.NCOPProvWeek.2009-11-11.tn.txt</fn>
Molaotheo wa Aforika Borwa o dira gore Khansele ya Bošetshaba ya Diporofense (NCOP) e netefatse gore dikgatlhego tsa diporofense di tsewa tsia mo lephateng la bošetshaba la puso. Seno se fitlhelelwa ka go tsaya karolo mo tsamaisong ya peomelao ya bošetshaba le ka go nna le foramo ya bosetšhaba e mo go yona merero ya setšhaba e e amang diporofense e sekwasekwang.
Mosolamogolo wa NCOP ke go ngangisana, go fetisa molao le go ela tlhoko (lebelela) ditiro tsa puso.
NCOP e emela diporofense go netefatsa gore dikgatlhego tsa diporofense di tsewa tsia mo lephateng la bošetshaba la puso.
Mosola wa NCOP ke go netefatsa gore dintlha tsa bosetšhaba tsa puso ya porofense le tsa pusoselegae di elwa tlhoko.
Beke ya porofense ya NCOP ke eng?
NCOP e tlhomile Beke ya Porofense go netefatsa gore diporofense di tshameka karolo e e botlhokwa mo ditirong tsa Palamente ya bosetšhaba.
Mo go yona beke e, baemedi ba diporofense mo NCOP le balekane ba bona ka kemo ba diporofense ba etela baagi gore ba netefatse gore ba bona tshedimosetso ka tlhamalalo ka ga ditlhoko le dikgwetlho tsa batho.
Beke ya Porofense e dira gore Molaotheo o diragatswe, ka go gapeletsa gore NCOP e netefatsa gore dikgatlhego tsa diporofense di tsewa tsia mo lephateng la bosetšhaba la puso.
Beke ya Porofense e netefatsa gore baemedi ba diporofense mo NCOP ba nna ba itse ka ditlhabololo, ga mmogo le dikgwetlho tse di lebaneng diporofense tsa bona.
E neela baemedi tšhono ya go dira mmogo le diporofense le go bega gape ka ga ditiro tsa bona mo NCOP ka maikaelelo a go bona ditalelo tse dišwa ka ga merero e e tshwanetseng go nna karolokgolo ya morero wa lenaneo la bosetšhaba.
Beke ya Porofense e dira gore go nne le foramo e mo go yona go refosanwang le go abelanwa dikakanyo tsa go tlisa ditirelo le dikgwetlho tse di lebaganeng le morero wa diporofense wa go diragatsa maikarabelo a tsona.
Gape e tswelela go tlhama tšhono ya Palamente le diporofense go dira mmogo mo go batleng ditharabololo le go tla ka ditsela tse di ntšhwa tsa go diragatsa ditlhoko tsa batho ba Aforika Borwa.
Go tla diragala eng ka nako ya Beke ya Porofense?
dipuso tsa diporofense - Ditonakgolo, le Maloko a Khuduthamaga (MECs) , ga mmogo le Mafapha a bona.
Baamegi ba bangwe; jaaka baeteledipele ba setso, di NGO, di CBO, e Lekgotla la Dipuso Selegae la Aforika Borwa (SALGA).
Baemedi ba diporofense mo NCOP, le balekane ba bona ka kemo ba diporofense, ba tla ela maemo tlhoko ka go etela baagi e le go netefatsa.
Baemedi gape ba tla etela diporojeke tse di tsentsweng tirisong ke puso ya bosetšhaba le ya porofense ka bobedi mo diporofenseng tsa bona.
Beke ya Porofense e tla tswela molemo jang porofense ya gago?
Ka diketelo tsa netefatso ka nako ya Beke ya Porofense, baemedi ba diporofense tsa NCOP di tla bona tshedimosetso ka tlhamalalo ka ga ditlhoko tsa batho mo diporofenseng.
Beke ya Porofense e kgontsha NCOP go nna le seabe mo tswelelopeleng ya puso ka go netefatsa gore matshwenyego a porofense le a selegae a tsewa tsia mo go direng dipholisi tsa bosetšhaba.
E tswelela go kgontsha dipuso tsa porofense, selegae, le bosetšhaba go dira mmogo ka katlego le nonofo gore di tle di netefatse tliso ya ditirelo e e atlegileng.
<fn>Hansards. NorthWestAdvertPamphlets.tn.txt</fn>
Tšhata ya tsa Meepo e tlhomilwe go ya ka melawana ya karolo 100 ya Molao, No 28 wa 2002 wa Diminerale le Tlhabololo ya Didiriswa tsa Petoroliamo (MPRDA).
Lefapha la Didiriswa tsa Diminirale le ne mo malobeng la lebašeswa Tšhata ya tsa Meepo. Tebosešwa e ne e lebelela dielemente tse di farologaneng tsa tšhata ya tsa meepo go tsenyeletsa le go nna mong, theko le go amogela tirelo le tlhabololo ya kgwebo, kaonafatso, tekatekano thapo le tlhabololo ya didiriswa tsa setho.
Mo go tsamaisaneng le maikaelelo magolo a Palamente a go tsamaisa botsaakarolo jwa setšhaba, Komiti ya Palamente ya Didiriswa tsa Diminerale (Komiti) e tla bo e tshwere Ditheetso tsa Setšhaba ka ga dipholo tsa tebosešwa ya Tšhata ya bogologolo ya tsa Meepo ka ga Tšhata ya tsa Meepo e ntšhwa kwa Klerksdorp (Anglo Ashanti No 1 Shaft Hall), Porofense ya Bokone Bophirima, 31 Mopitlwe 2011. Komiti e ka rata thata go kopana le Dikhampani tsa meepo, badiri ba meepo, mekgatlho ya tsa badiri le baagi ba ba dikologileng dikhampani tsa meepo.
Dintlha tsa kgolagano: Mog (021)403-3751 sele 083 709 8520 kgotsa 083 966 7720 aterese ya emeile (nskaka@parliament.gov.za) kgotsa (vmfuniselwa@parliament.gov.za); Fekese: 086 619 9194.
<fn>Hansards. Oversight.2009-12-02.tn.txt</fn>
Tekokgolo ya temokerasi ke maemo ao Palamente e ka netefatsang gore puso ka gale e nna e direla batho. Seno se dirwa ka go nna le maikarabelo a a tsweletseng a go okamela (go ela tlhoko) ga ditiro tsa puso..
Palamente le Dikomiti tsa yona e na le dithata tsa go bitsa mongwe le mongwe kgotsa setheo go tla go naya bopaki kgotsa go tlhagisa ditokomane, le go tla fa pele ga yona go ba begela.
Molaotheo o tlhalosa fa Palamente e na le matla a go okamela maphata otlhe a puso, go tsenyeletsa le tse di kwa maemong a porofense le selegae.
Maikarabelo a go okamela ke eng?
Maikarabelo a go okamela ke tiro e Molaotheo o e neetseng Palamente go ela tlhoko le go lebelela ditiro tsa puso.
tsamaiso e e nonofileng ya mafapha a puso.
Goreng maikarabelo a go okomela a Palamente a le botlhokwa?
Ka go okamela ditiro tsa puso, Palamente e kgona go netefatsa gore go neelanwa ka ditirelo go a diragala, gore batho botlhe ba tle ba tshele botshelo jo bo botoka.
go dira ditiragatso tsa puso go nna tse di mo mpaananeng le go oketsa tshepo ya batho mo pusong.
Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense (NCOP).
E nngwe le e nngwe e na le karolo e e kgethegileng ya maikarabelo a go okamela e e tshwanetseng go a diragatsa.
Molaotheo o tlhalosa gore Kokoano Bosetšhaba e tlhophilwe go emela batho go netefatsa puso ya batho ka batho ka fa tlase ga Molaotheo.
tswelela ka tebelelo mo godimo ga tiro ya go laolo puso ya bosetšhaba.
Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e emela diporofense go netefatsa gore dikgatlhego tsa diporofense di tsewa tsia mo lephateng la bosetšhaba la puso.
Maikarabelo a NCOP ke go okamela mo dikarolong tsa bosetšhaba tsa puso ya porofense le ya selegae.
NCOP e ka kopa leloko la Kabinete, modiredi wa puso bosetšhaba kgotsa MEC wa porofense go tsenela kopano ya Khansele kgotsa komiti.
Dikomiti tsa Palamente di tlhomiwa jaaka didiriso tsa Dintlo go ya ka melawana ya Molaotheo go kgontsha maikarabelo a go okamela le go baya puso leitlho.
Dikomiti tse ke "batsamaisi bagolo" ba maikarabelo a go okamela le a peomolao ya Palamente.
Dikomiti di sekaseka molao, ba okamela tiro ya puso, le go dirisana le setšhaba.
Nngwe ya dintlha tse di botlhokwa go gaisa ya maikarabelo a go okamela ke go sekaseka dipegelo tsa ngwaga le tsa Maphata a Puso le dipegelo tsa Moruni Kakaretso ke dikomiti.
Go ikaegile ka maikaelelo a go okamela, Komiti e ka nna ya kopa ka dinako dingwe kopano go tswa mo Lephateng la Puso kgotsa go le etela go ka bona mabaka.
Tona ya Matlotlo o bega diponelopele tsa tekanyetsokabo tebang le ngwaga o o latelang wa ditšhelete, ga mmogo le diboutu tsa tekanyetsokabo tsa lefapha le lengwe le lengwe.
Palamente e tshwanetse go atlenegisa Tekanyetsokabo.
Morago ga tlhagiso ya diboutu tsa tekanyetsokabo, Komiti e nngwe le e nngwe e nna le ditheetso le Mafapha a puso a a maleba, moo e diragatsang go okamela teng.
Seno se dira go bona gore a Mafapha a tsweletse ka maitlamo a bona a ngwaga o o fetileng, le go dirisa madi a baduelalekgetho ka mokgwa o o nepagetseng.
Go botsa puso Dipotso ke nngwe ya mekgwa eo Palamente e rwesang puso ka maikarabelo a go arabela.
Dipotso tsa molomo kgotsa tse di kwadilweng di ka bodiwa Moporesitente, Motlatsa Moporesitente le Ditona ka ga merero eo ikarabelang mo go yona.
Nako ya dipotso e neela maloko a Palamente tšhono ya go botsa ditona tsa Puso ka ga dintlha tsa go neelana ka ditirelo, mo boemong jwa makoko a bona a sepolotiki kgotsa batlhophi.
Ka go dirisa tsamaiso e, Maloko a Palamente a ka neelana ka puo mo Ntlong ka nngwe le nngwe ya dintlha.
Ka go neelana ka Kitsiso ya Tshisinyo leloko la lekoko la sepolotiki le ka tlhagisa dintlha tse go ka ngangisanwang ka tsona mo Palamenteng, ka jalo go ba thusa go diragatsa maikarabelo a bona a go okamela.
Dingangisano ka maloko otlhe ke tsela e nngwe ya go tlhagisa tshedimosetso e e botlhokwa go puso mabapi le mananeo a a rileng a puso kgotsa molao o o tlhokegang go tsweletsa neelano ya ditirelo.
Tiro ya bokgaolotlhopho e neela Maloko a Palamente tšhono e kgolo ya go diragatsa maikarabelo a go okamela ka bobona.
Tiro ya kwa bokgaolotlhopho e neelana ka mokgwa wa tirisanommogo e e kitlaneng magareng ga Maloko a Palamente le setšhaba.
Maloko a na le tiro ya go tsibosa Palamente ka ntlha nngwe le nngwe e e tlhageletseng ka nako ya ditserekganyo tsa jaaka fa go okamela.
Go dira tshwaelo go Komiti ya Palamente ke tsela nngwe ya go dira gore lentswe la gago le utlwagale mo Palamenteng.
Ka go dira tshwaelo, o na le tšhono ya go tlhotlheletsa dikakanyo tsa Maloko a Komiti ba ba sekasekang karolo e e rileng ya molao kakangwa pele e ka nna molao.
Moagi mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go dira phethišene go Palamente, jaaka e neetswe mo Molaotheong.
Motho mongwe le mongwe, setlhopha sa batho kgotsa mokgatlho o ka dira phethišene go Palamente.
Phethišene ke kopo ya semmuso go bolaodi go tsaya kgato. E ka nna mo sebopegong sa gongwe topo, kopo ya go direlana molemo, kgotsa go phosolola ngongorego.
<fn>Hansards. ServiceDelivery.2010-02-19.tn.txt</fn>
Kokoano Bosetšhaba e bopile Komiti ya nakwana go laola le go ela tlhoko gore go nna le kabo ya ditirelo mo tlase ga thitokgang "Go dira mmogo go netefatsa gore kabo e e boleng ya ditirelo e tlisiwa bathong". Tiro ya Komiti e tla nna go botsa ka ga tswelelopele malebana le kabo ya ditirelo, le mafelo a go nnileng le megwanto teng, go bona gore dikgweetlho ke dife maikaelelo e le gore ba kgone go tlhagisa pegelo go Kokoano Bosetšhaba e e nang le dikatlanegiso le leano le le tshitsintsweng la tiragatso.
Go dira se, komiti e tla tsaya maeto go ya kwa mafelong a selegae le a diteropo go kgolaganya le go tshwara ditheetso tsa phatlalatsa mo Palamenteng le kwa diporofenseng. Ditheetso tsa phatlalatsa mo Palamenteng di tla tshwarwa go tloga ka 2-4 Tlhakole 2010.
Mo maetong a a diporofense, komiti e tla tlhatlhoba mafelo mme e kopane le maloko a setšhaba, badiredi ba pusoselegae, dikomiti tsa sedika, mekgatlho ya selegae le maloko a mekgatlho ya dikgwebo.
E rotloeditswe ke batho!
Etela webosaete ya Palamente: www.parliament.gov.
Mogala: +2721 403 2911 Fekese: +2721 403 3784, P.O.
<fn>Hansards. SonaContent.tn.txt</fn>
Tlhakole ke kgwedi ya botlhokwa go Palamente le Maaforika Borwa otlhe. Ke nako ya go lebelela, le go naganela pele le go baya ditlhoko tsa naga kwa godimo. Ngwaga le ngwaga ka Tlhakole go tshwarwa Pulo ya Palamente, fa Moporesitente jaaka tlhogo ya naga a buang le setšhaba.
Puo ya Pulo ya Palamente ya Moporesitente ke eng?
Puo ya Pulo ya Palamente ke tiragalo ya ngwaga le ngwaga fao Moporositente wa Rephaboliki ya Aforika Borwa a buang le Palamente le setšhaba. Puo e e direlwa kwa Palamenteng kwa Kokoanotshwaraganelo ya Kokoano Bosetšhaba (NA) le Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense (NCOP). E lebelela thata go maemo a ga jaana a sepolotiki le maemo a botshelo a setšhaba. Kopano e bidiwa ke Moporesitente mme e tshwarwa ke Mmusakgotla wa NA le Modulasetilo wa NCOP. Ke nngwe ya dikopano tse di sa tlwaelesegang fao maphata a mararo a puso e leng, Khuduthamaga, e e emelwang ke Moporesitente le Ditona, Boatlhodi, jo bo emelwang ke Moatlhodimogolo wa naga le Peomolao, e e emelelwang ke Maloko a Palamente(MP), mo di kopanang mo lefelong le le lengwe mmogo. Maloko a setšhaba le ona a na le kemedi kwa Puong ya Pulo ya Palamente go nna le seabe mo tiragalong e e tshamekang karolo e e botlhokwa mo go bopeng setšhaba sa rona.
Goreng Puo ya Pulo ya Palamente ya Moporesitente e le botlhokwa?
Mo puong e, Moporesitente o tlhagisa diphitlhelelo le dikgwetlho tse di itemogetsweng tsa ngwaga o o fetileng le go rulaganya ngwaga o o latelang. Puo e tsenyeletsa merero ya sepolotiki, ikonomi le loago le go tsaya tsia maemo a Aforika Borwa ka kakaretso. E tlhalosa ka ga merero ya selegae ya Aforika Borwa ga mmogo le dikamano tsa yona mo Aforika le moseja. Puo ya Pulo ya Palamente ke mokgwa o botlhokwa wa go rwesa Palamente le setšhaba sa Aforika Borwa maikarabelo tebang le se se diragetseng ngwagola le go ama setšhaba go maikaelelo a sepolotiki a ngwaga o o latelang. Puo ya Pulo ya Palamente gape ke ka ga go keteka le go aga setšhaba sa rona.
E diragala leng?
Puo ya Pulo ya Palamente go le gantsi e diragala ka Tlhakole. Le fa go le jalo, fa go na le ditlhopho kakaretso go nna le dipuo di le pedi, e le nngwe go bontsha kopano ya bofelo ya Palamente e e tswang le e nngwe morago ga ditlhopho fao Moporesitente le Palamente e ntšhwa di amogelwang. Mo go tsweng mo setsong ka Tlhakole 2010, Puo ya Pulo ya Palamente e ne ya tlhagisiwa mo maitseboeng lokgetlo lwa ntlha go naya Maaforika Borwa otlhe tšhono ya go lebelela ditsamaiso le go reetsa puo ya Moporesitente. Ka ntlha ya phetogo e, palo ya batho ba ba lebeletseng thelebišene e ne ya tlhatlhoga go tswa go dimilione di le pedi go ya go tlhaelo fela go ya go dimilione di le nne.
Botsayakarolo jwa setšhaba ke karolo e e botlhokwa ya moletlo. Maloko a setšhaba a lalediwa jaaka baeng ba Palamente. Baagi ba Aforika Borwa go tswa Aforika Borwa ka bophara le go tswa kwa porofenseng e nngwe le e nngwe ba tlhama karolo ya Setlhopha sa ba ba potlana le Setlhopha sa Batlhankedi ba Puso ba ba dirang mola go supa Tlotlo. Setlhopha sa Batlhankedi ba Puso ba ba dirang mola go supa Tlotlo, bao ba amogelang Moporesitente mo Palamenteng, e dirwa ke Maaforika Borwa a a tlwaelesegileng. Setlhopha sa ba ba potlana se se dirang mola wa go supa Tlotlo se dirwa ke barutwana go tswa kwa dikolong go ralala naga le go emela bašwa, bao Aforika Borwa e beileng bokamoso ba naga mo go bona.
Maaforika Borwa a a itsegeng go le gantsi a lalediwa go nna karolo ya ditiragalo. Ba tsewa go tswa mo diporofenseng mme ke batho ba ba neetseng go le gontsi mo nageng.
Puo ya Pulo ya Palamente ke karolo e e botlhokwa ya go ela maemo tlhoko ga tiro ya Palamente le go tsaya maikarabelo. Teko ya nnete ya temokerasi ke boleng jo Palamente e ka netefatsang gore puso e rwele maikarabelo a batho. Go ela maemo tlhoko ga, maikarabelo a Palamente ke tiro e e neetsweng Palamente ke Molaotheo go ela tlhoko le go lebelela ditiro tsa puso.
Oketsa tshepho ya setšhaba go puso.
Gore a mafapha a dipuso a tsamaisiwa ka nonofo.
Tiro ya go ela maemo tlhoko ga maikarabelo a Palamente a tlhoka tsamaiso e e nonofileng ya mafapha a puso go kgontsha go tlhabolola thebolo ya ditirelo le go fitlhelela boleng jwa botshelo jo bo botoka go baagi botlhe.
Mo Puong ya Pulo ya Palamente Moporesitente o tsaya mokibo wa setšhaba le go tlhagisa maikaelelo a pholisi le tse di tla kgonwang go rebolwa tebang le ngwaga o o kwa pele. Ke kgatlhanong le maikaelelo le tse di kgonwang go rebolwa tse gore Tona ya Matlotlo a itsise Tekanyetsokabo tebang le ngwaga o o latelang, go le gantsi kwa bokhutlong jwa Tlhakole. Maikaelelo a pholisi le tse di kwa setlhoeng go rebolwa di dira motheo wa seo puso e tla tshwanelang go se dira mo ngwageng o o latelang. Ke tshupetso eo Palamente e tshwarang puso go rwala maikarabelo go batho, go seo e se rebolang, le gore madi a a neetsweng a dirisitswe jang.
Go diragala eng morago ga Puo ya Pulo ya Palamente ya Moporesitente?
Morago ga Puo ya Pulo ya Palamente e sena go diriwa, e ngangisanelwa ke dintlo tse pedi tsa Palamente. Makoko a sepolotiki a na le tšhono go tshwaela le go botsa dipotso ka ga merero e e builweng mo puong. Dintlha tse di tshwenyang di a tlhagisiwa le mafelo a a nang le botlhokwa mo setšhabeng a bewa kwa godimo. Setšhaba se lalediwa go tsenela le go ela tlhoko dingangisano jaaka go direga ka dikopano tsotlhe tsa Palamente. Moporesitente le ena o araba dintlha le dipotso tse di tlhagisitsweng go tswa mo ngangisanong.
Thitokgang ya monongwaga ya Palamente ke eng?
Thitokgang ya Palamente ya 2011 ke "Go keteka letlotlo la kgololosego ka go matlafatsa kgokagano magareng ga Palamente le Batho". Ngwaga le ngwaga Palamente e supa thitokgang eo e tlhamiwang go ya ka tshepho e e lolameng ya Palamente. Puso ya nnete ya temokerasi e batla go bona taolo ya yona go tswa mo bathong, ka ditlhopho tsa ka gale le botsaakarolo jo bo tswelelang jwa setšhaba mo ditsamaisong tsa go laola. Thitokgang e rotloetsa temogo ya botsaakarolo, kemedi le temokerasi ya molaotheo, fao baagi ba amegang mo mererong ya go dira melao le go ela maemo tlhoko ga maikarabelo a Palamente. E matlafatsa karolo ya Palamente, eo e leng go emela batho le go netefatsa puso ka batho ka fa tlase ga Molaotheo. Tiro ya Palamente le ya Maloko a yona e tshwanetse go tsepa mo go matlafatseng kgokagano magareng ga batho le dikemedi tse ba di itlhophetseng. Katlego ya Palamente e ikaegile mo botsaakarolong jo bo bonalang jwa baagi botlhe ba Aforika Borwa go neela ka kaedi go tiro ya Maloko a Palamente (MP) ao ba itlhophetseng le go setheo..
Setšhaba se ka tsaya karolo jang mo Palamenteng?
Go amega mo ditsamaisong tsa moletlo wa Puo ya Pulo ya Palamente ke nngwe ya tsela eo setšhaba se ka nnang le seabe ka teng mo Palamenteng ya bona. Go na le ditsela tse dingwe tsa go tsaya karolo mo Palamenteng mme tseno di tsenyeletsa go bouta mo ditlhophong, go ikwadisa mo mokgatlhong wa sepolotiki, go ngoka le go tsenela ka go ithaopa mokgatlho o e seng wa puso, go ikgolaganya le bo MP, go dira ditshwaelo le go romela diphethišene go Palamente.
Palamente e itlamile mo go fitlhelelweng ke setšhaba sa Aforika Borwa ka go tlhama ditšhono tebang le kamego le botsaakarolo jwa botlhe: banna le basadi, ba ba rutegileng kgotsa nnyaa, ba ba dirang kgotsa ba sa dire, ba ba itekanetseng le batho ba ba nang le bogole, ba ba humanegileng (bogolosegolo kwa metseselegae e e humanegileng), le ditlhopha tse dingwe tse di ikaeletsweng: go kgobokana le go tlhagisa maikutlo a bona mo mererong e e amanang le ditlhoko tsa bona tsa motheo. Mananeo a a kgethegileng jaaka Kokoano ya Batho, Go isa Palamente kwa Bathong le Palamente ya Bašwa ke di polatefomo tsotlhe tse di ikaeletsweng go buisana le setšhaba go reetsa dikakanyo tsa bona ka ga se se botlhokwa thata mo go bona. Palamente e batla go oketsa kamego le botsaakarolo jwa setšhaba ka go tsamaisana le thitokganmg ya monongwaga "Go keteka letlotlo la kgololosego ka go matlafatsa kgokagano magareng ga Palamente le Batho".
A o eletsa go etela Palamente?
Kantoro ya Thuto ya Setšhaba e neelana ka diketelo tse di sa duelelweng tsa Palamente le tšhono go setšhaba go lebelela dingangisano ba le mo mannong a botlhe a Kokoano Bosetšhaba le Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense. Dithulaganyo gape di ka dirwa gore setšhaba se kopane le Maloko a Palamente le go tsenela ditheetso tsa setšhaba kgotsa dikopano tsa Komiti. Fa o sa kgone go tla mo Palamenteng, o ka etela www.parliament.gov.za mme wa itemogela leetotebo la Palamente go tswa kwa karolong e nngwe le e nngwe ya lefatshe.
Puo ya Pulo ya Palamente (SONA) gape e tla tshwarwa mo maitseboeng ka di 10 Tlhakole 2011.
SONA e kgaoganngwa ka dikarolo di le tharo. Ya ntlha ke botsaakarolo jwa setšhaba fa Batlhankedi ba Puso ba ba supang Tlotlo ba amogela Moporesitente le baeng ba gagwe fa ba tsamaya mo mmetseng o mohibidu. Seno se latelwa ke moletlo wa puso o o tsenyeletsang go gelebetega ga dithunya tse 21- e le sesupo sa tlotlo le go fofa ga difoufane tsa Lebotho la Sesole sa mo moweng tse di ralalang lefaufau mme ya bofelo e nne puo eo e leng kgale e emetswe ya Moporesitente.
Maloko a Sesole sa Bosetšhaba sa Aforika Borwa (SANDF) ba dira tsela ya mola eo Moporesitente a e dirisang go ya Palamenteng.
Batlhankedi ba Sesole ba ba dirang mola go supa Tlotlo le bona ba tsaya karolo mo moletlong mme bente ya sesole e tshameka pina ya bosetšhaba ya Aforika Borwa.
Go gebeletega ga dithunya tse 21- e le sesupo sa tlotlo go Tlhogo ya Naga, folaga ya bosetšhaba, Tlhogo ya Naga ya setšhaba se sele, leloko la losika la bogosi le le busang le Tlhogo ya pele ya Naga.
Go aga Palamente batho eo e tsibogelang ditlhoko tsa batho ebile e e kgweediwang ke go eletsa go bona matshelo a Maaforika Borwa a tokafetse.
<fn>Hansards. VirtualTour.2010-02-19.tn.txt</fn>
Le amogelegile mo Palamenteng ya Aforika Borwa, Palamente ya ngwagakgolo wa 21!
Palamente e e ka ga batho!
Ponopele ya rona ke go aga Palamente ya batho e e arabelang ditlhoko tsa batho mme e kgweediwa ke mokgwa wa go lemoga boleng jo bo botoka jwa botshelo go batho botlhe ba Aforika Borwa.
Ka diporogerama tsa rona, re leka go netefatsa gore merafe e e kgetholotsweng e a tsenyeletswa ka metlha.
Tiro le poelo ya botlhokwa ya Palamente ke go emela batho le go netefatsa Palamente ka batho fa tlase ga Molaotheo.
Se se fitlhelelwa ka go fetisa melao, go ela tiragatso ya puso tlhoko, le tsenyeletsa setšhaba mo ditsamaisong tsa Palamente.
Molaotheo ke molao mogolo wa Rephaboliki mme o baya metheo ya baagi ba ba gololosegileng eo puso e ikaegileng mo maatleng a batho le tshireletsego ya moagi mongwe le mongwe ka go lekalekana.
E bontsha bleng le mekgwa go busa ka kgololosego ka batho.
Palamente e dirilwe ka baemedi ba ba tlhophilweng ka kgololosego ba le 400 ba ba bopang Kokoano Bosetšhaba.
Diporofense di emelwa mo Palamenteng ke Khansele ya Boditšhaba e e dirilweng ke baemedi ba le lesome ka porofense.
Palamente ya rona ya temokerasi e ipela ka hisetori ya kemedi ya basadi.
Ga jaana basadi ba dira 43% ya Maloko.
Go tloga ka 2009, re mo maemong a boraro mo lefatsheng malebana le kemedi ya basadi.
Tebelelo ya kemedi ya basadi mo Palamenteng ke 50%.
Gape re na le Palamente e e duleng diatla tota!
Palamente ya rona ya ntlha ya temokerasi ka 1994 e tlhophile Moporesitente Nelson Mandela jaaka tlhogo ya naga e le nngwe ya melao ya yona ya ntlha.
Ka 24 Motsheganong 1994 Moperesitente Mandela o neelane ka puo ya gagwe ya ntlha ya Bosetšhaba mo kopanong ya ntlha ya Palamente e e tlhophilweng ka kgololosego.
Go tloga fao, Palamente e amogetse Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa ka 1996 mme ya fetisa melao e e fetang sekete e mengwe!
A o ipaakanyeditse go utolola ditselana tsa Palamente e ya rona?
Tla re tswelele ka loeto la rona la Palamente ya Aforika Borwa!
Loeto le e ikaegile ka mafelo a le mararo mo Palamenteng, e leng, Kokoano ya bogologolo, Kokoano Bosetšhaba le Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense.
Tsaya nako go utolola!...
Se ke Parliament Street. Matlo, e leng Kokoano Bosetšhaba, Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense, ga tsenyeletsa le Tuynhuys di mo seterateng se mo go nang le dikantoro tsa puso le dikantoro tsa lekoko la Palamente. Moporesitente o tsamaya mo Parliament Street go ya kwa tšhembareng ya Kokoano Bosetšhaba go ya go neelana ka puo ya Bosetšhaba ya ngwaga le ngwaga mo kopanong ya matlo a le mabedi a Palamente. Ka nako ya puo ya bosetšhaba, e e tlwaelegileng ka "Pulo ya Palamente", matlhakore ka bobedi a Parliament Street a nna le Bantlha kedi ba puso go tlotla.
Slave lodge ke lefelo la kgopolo le ikgopotso. E agilwe ke Khampani ya Dutch East India ka 1679. E ne e dira jaaka setilo sa Khansele ya Kgakololo pele ga kago ya Palamente ya Kapa mme ya dirisiwa jaaka kago ya kantoro ya puso, Kgotlakgolo, Poso mme lwa bofelo jaaka Musiamo wa Setso wa Hisetori.
Ka nako ya Puo ya Bosetšhaba Moporesitente le mokoloko wa gagwe ba feta mo mmateng o mohibidu go tswa mo Slave Lodge go ya kwa Kokoanong Bosetšhabeng go tsenela kopano.
Marks building e fa thoko ga kago ya Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense mo Parliament Street. E agilwe ka 1904, Marks building e tsenya makokokgatlhanong le badiredi ba bona. E ne e diriswa ke ntlo ya baemedi mo Palamenteng ya Ditšhembara di le tharo pele ga 1987. Palamente e ya ditšhembara di le tharo ya 1985 e ne e na le ditšhembara tsa basweu, bammala le maintia mme ba ntshitse bantsho.
Africa House e fela fa gare ga dikago tsa palamente fa thoko ga Kokoano Bosetšhaba. E ne e le kantoro kgolo ya Mokomišenara wa MoBoritani, mme jaanong go nna Komiti ya kopanelo ya tsa matlhale le dikantoro tse dingwe tsa Palamente.
Inside Africa House ke nngwe ya botaki ba Palamente ba selegae: e tswa mo setlhareng sa Mimosa sa dingwaga di le 350 se se neng sa futswelelwa kwa borwabotlhaba ka 1892. Serwalwa sa Sebui sa Palamente se ne se bolokilwe mo Khaseketeng ka dingwagangwaga.
"Stal" ka English e kaya stable. Matseno o tshimologo mo Stalplein, e biditswe go ditale tsa mmusi wa Kapa, e ne e le letlhakore la Tuynhuys mo Company Gardens, e e simolotseng jaaka sediriswa sa VOC e e itseweng gape jaaka Khampani ya Dutch East India mme morago ya dirisiwa ke babusi botlhe ba Kapa. Dikago tse di latelang tsa Palamente di tlile gautshwane fa go ne go agiwa dikarolo tse dintšhwa, go fitlha ka 1988 fa kgaolo e ntšhwa e go leng Kokoano Bosetšhaba e fitlhelela Tuynhuys. Ka nako ya fa Palamente e dula, Moporesitente o dirisa Tuynhuys jaaka kantoro semolao. Tuynhuys e ikemetse ka nosi.
Palamente e kaya dilo tse di farologaneng mo bathing ba ba farologaneng. Sefikantswe sa Mogenerala Louis Botha mo matsenong a Palamente mo Roeland Street se tlisa potso: Go diragala eng ka bagaka ba bašwa ba setšhaba Sefikantswe se ke sa Teropo ya Kapa. Legora la Palamente le tshwailwe ka terata mo Plein Street, le ka Company mo letlhakoreng la bophirima. Matseno a Roeland Street a neela maloko phitlhelelo le mafelo a go paka dikoloi go Maloko a Palamente le badiredi ba Palamente?
Ka moletlo wa pulo le ditiragatso tse dingwe tsa Puso, Flame of Remembrance e tuka mo Palamenteng go tlotla botlhe ba ba weleng mo dintweng tse di tsenyeletsang Aforika Borwa. Moporesitente wa Aforika Borwa ke Molaodimogolo wa masole.
Lefelo la baeng le fa posong ya bogologolo, e jaanong e leng karolo ya tikologo ya Palamente. Palamente e amogela baeng go tswa gaufi le kgakala mme baithuti ba amogelegile. Ke go feta baeng ba le 25 000 ba ba etelang Palamente ngwaga nngwe le nngwe. Baeng ba tshwanetse go tlhagisa lokwaloitshupo la semolao pele ba letlwa go tsena mo Palamenteng. Go tlhanasela tota fa e le Puo ya Bosetšhaba (e gape e bidiwang pulo ya Palamente) kgotsa fa Tona ya tsa Matlole e neelana ka puo ya tekanyetsokabo.
Poorthuis e e itseweng gape jaaka Gate House ke matseno go ya kwa kagong ya Kokoano ya bogologolo. Motho o tlhoka go feta mo basireletsing fa a tsena mo teng. Fela mo teng ga matseno ke dimitata tsa ntlha di e 30 tsa Keiskamma Tapestry (see Hotspot).
Morago ga go pagama dikgato go ya mo matsenong a kago ya Kokoano Bosetšhaba, kgato e le nngwe go ya mo boalong ba thaele ya mmabole mo tšhembareng ya Kokoano Bosetšhaba. Matseno a a lebisa kwa matsenong a maloko. Go na le ditepisi di le pedi mo matlhakoreng ka bobedi a matseno a a isang kwa mannong a setšhaba, manno a bophasalatsi, a dipolomate le dikantoro.
Ka maeto a Puo ya bosetšhaba le ketelo ya naga, mmata o mohibiduo alwa go fitlha kwa matsenong a maloko.
Tšhembara e, ke legae la dikopano le dikokoanokopanelo tsa Kokoano Bosetšhaba. Ga jaana, Maloko a le 400 a Palamente a kopanela fa go fetisa melao le go lebelela ditiro tsa Palamente. Moperesitente o nna ka fa mojeng wa wa mmusakgotla, mo setilong se se nang le tlhoro. Lekoko le le busang le nna ka fa mojeng wa mmusakgotla mme makoko kganetso a nna ka fa molemeng. E ne e le mo go yona tšhembara e ka nako ya tlhaolele Moporedsitente wa maloba FW de Klerk a neng a bega go fediswa ga kiletso ga ANC le ditlhopha tse dingwe tsa sepolotiki. Malatsi a le robongwe morago ga moo, ka di 11 Tlhakole 1990, Nelson Mandela o ne a gololwa go tswa kwa kgolegelong morago ga dingwaga di le 27. Mo moletlong o o neng o tsaya maikutlo ka 1994, Rre Mandela o ne a amogelwa jaaka Moporesitente ya ntlha e e tlhophilweng ka temokerasi.
Sefata se se fa pele ga setilo sa Mmusakgotla se dirisiwa ka nako ya diketelo tsa dipuso kgotsa ke Moporesitente kgotsa Ditona tseo di arabang dipotso. Ka nako ya dingangisano, kgotsa fa maloko a dira dipolelo go le gantsi bat le ba dirise sefata, fela ba ka kitsiso ya tshitshinyo kgotsa ba botsa dipotso le go tlhagisa dintlha tsa taolo ba dutse mo ditilong tsa bona tseo di tsentsweng di maekerofouno. Go na le didiriswa tsa eleketroniki tsa go bouta mo setilong se sengwe le se sengwe go netefatsa bouto ya mo sephiri, fela lekoko le lengwe le lengwe le kgona go bona gore ke maloko a le makae a bona a a boutetseng kgotsa a a leng kgatlhanong le peomolao.
Setilo sa Mmusakgotla se beilwe mo polatefomong e e tsholeditsweng kwa bofelong jwa Tšhembara ya Kokoano Bosetšhaba. Mmusakgotla o laola ditsamaiso tsa Ntlo go tswa fao.
Mmusakgotla wa ntlha wa Palamente ya temokerasi, Ngaka Frene Ginwala o ne a rulagantse gore baeteledipele ba makoko a mannye ba nne le maano fa bankeng e e fa pele, gore batlhophi ba kgone go bona makoko a bona a ba a tlhophileng. Fa go na kokoanokopanelo ya Dintlo, sekao fa go newa Puo ya Pulo ya Palamente ke Moporesitente, go nna le manno a tlaleletso fa fatshe magareng fa dikarolo di le pedi go neela maloko a Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense madulo.
Tšhembara ya Kokoano Bosetšhaba ya bogologolo e ne e dirisiwa ke Palamente go tloga ka go tlhamiwa ga Palamente ka 1910, go fitlhela ka puso ya ntlha ya temokerasi e tlhopiwa ka 1994. Ka 1994 Palamente ya nako eo e ne ya tlhatlhamololwa mo Tšhembareng e: tiro e e bontshang bofelo jwa kgethololo, le melao ya yona. Ka 1961 Aforika Borwa e ne ya tlogela Commonwealth go nna Rephaboliki. Dikgwedi di le nne morago ga Aforika Borwa e sena go tlogela Commowealth, Dimitri Tsafendas a bolaya Tonakgolo, Ngaka Hendrick Verwoerd ka go mo tlhabela moo a neng a dutse teng.
Tšhembara e jaanong e dirisediwa ditheetso tsa setšhaba, go fetisa melao le tiro ya tebelelo ya Palamente. Gape e dirisiwa jaaka lefelo la kopanelo tebang le diseminara, ditlhopha le dikomiti le dikopano tsa khokhase ya ANC le Ditheetso tsa Setšhaba.
Phaposi ya bojelo ya Kokoano Bosetšhaba ya bogologolo e ne e le karolo ya kago ntlha ya 1885, e dira jaaka Tšhembara ya Kokoano ya Peomolao ya Kapa. Morago ga got lhamiwa ga Palamente ka 1910, Tšhembara ya Kokoano Bosetšhaba e ne ya tlalelediwa. Tšhembara ya puso ya Kapa e ne ya nna lefelo la bojelo jwa maloko le baeng. Tonakgolo ya Boritane Harold MacMillan o dirile puo ya gagwe ya "Wind of Change" fano ka 1960, a bona bonelapele boipuso jwa dikoloni tsa Borithane mo Aforika.
Matseno a Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e ne e itsege jaaka Queen's Hall mme e ne e reletswe ka Kgosigadi Elizabeth mme leina le le ne la bolokwa go fitlhela ka 1961. Ka 1961 e ne ya bidiwa Gallery Hall fa Aforika Borwa e nna Rephaboliki.
Boalo jwa mo matsenong ke boalo jo bo tlwaelegileng jwa thaele ya seramiki e e nang le pethene eo e neng e itsege ka motlha wa Victorian.
Eno ke Tšhembara ya NCOP, nngwe ya ditlhangwa tse di botlhokwa go gaisa mo hisetoring ya molaotheo wa Aforika Borwa, eo e neelang baagi ba diporofense tsotlhe kemedi mo Palamenteng. Peomolao eo e amang diporofense e ngangisanelwa le go swediwa mo tšhembareng e. NCOP e na le maloko a le 10 go tswa go porofense e nngwe le e nngwe- maloko a le 6 a leruri le kemedi di le nne tse di kgethegileng.
Mo tšhembareng e, malokoa nna go ya ka Porofense tsa bona le go bouta jaaka karolo ya porofense. Batlhophi ba na le bouto e e farologaeng go tlhopha maloko a diporofense di le Dipeomolao tsa Porofense di le robonngwe, mo dingwageng tse dingwe le tse dingwe di le tlhano, ka letsatsi la ditlhopho tsa bosetšhaba. Porofense e nngwe le e nngwe e na le letshwao la yona la naga le le bontshiwang mo tšhembareng ya Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense.
Fa Moporesitente a tsenela kopano kwa Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense, o nna fa moleng o o fa pele kwa mojeng wa modulasetilo, mo setilong se go setilweng matshwaokakaretso a naga mo go sona.
Lefelo la manno a a kwa godimo a NCOP ka gale a dirisiwa ke Batlotlegi le setšhaba fa ba tsenela Palamente.
Sekano sa naga a Aforika Borwa ke letshwao le legolo le le bonalang la Puso. Fa gare ga letshwao go bonala porotea e kgolo, lelomo la setšhaba, le le bontshang tumelano ya ditso tsotlhe, le naga e oketsega jaaka setshaba. Mo godimo ga porotea ke mmamolongwana ka maphuka a a emeletseng, le letsatsi le tlhatlhoga. Ditsebe tsa mabele di bontsha monono wa mmu, fa manaka a tlou a bontsha botlhale, thata le boikanyego.
Kwa bogareng, thebe e bontsha tshireletso ya Maaforika Borwa, kwa tlase ga thebe ke molamu, eo e beilweng go netefatsa tshireletso ya kagiso go na le go bontsha ntwa. Mo gare ga thebe go na le ditshwantsho tsa batho ba Makhoi, baagi ba pele ba lefatshe. Tshedimosetso e tserwe go tswa go ditshwantsho mo Linton Stone, sekao se se itsegeng lefatshe ka bophara sa botsaki jwa letlapa jwa Aforika Borwa. Moono wa sekano sa naga se kaya " batho ba ba faroloaneng tshwaraganang", kgotsa "batho ba ba farologaneng ba kopana mmogo," ka puo ya Makhoisane ya batho ba /Xam: !ke e:/xarra//ke provide link to parliamentary website for audio pronunciation?
Matseno a kgosigadi a kwa moagong wa ntlha wa Palamente ya Kapa eo e neng ya tlhongwa semolao ka 1885.E ne e neela ka phitlhelelo go ya go tšhembara, gaufi le matseno a Company Gardens. Company Gardens e tlhamile leina la yona go tswa go Khampani ya Dutch East India Company eo ka 1652 e neng ya romela Jan le Maria Van Riebeeck kwa Kapa. Dikago tse dintšhwa di tsa tlaleletswa go meago ya Palamente morago ga dikoloni di le pedi tsa Borithane (Kapa le Natala) le di Rephaboliki tsa pele tsa Maburu (Teransefala le Foreisetata) di sena go tlhama Palamente ya Aforika Borwa ka 1910.
Bobeelobuka bo ka fa ntle ga matseno a kago ya NCOP. Ka 1857 bobeelobuka jwa botlhokwa bo ne jwa tlhomiwa go tswa go kokoanyo ya dibuka tse di neng di dira kwa Kokoano Peomolao ya Kapa ya bogologolo le khansele ya Peomolao. Ka 1910, ka go tlhamiwa ga Palamente, dikokoanyo tse din e tsa nna Bobeelobuka jwa Palamente. Ka 1919, dibuka tse di sa bonweng bonolo, ditshwantsho, dimmepe le ditlhangwa din e tsa tsenngwa, gore kwa bofelong tsa nna Kokoanyo e e kgethegileng.
Go feta dingwaga di le 150 go nnile le ditlaleletso tse di kgatlhisang go bobeelobuka jo jwa botlhokwa, go tsenyeletsa kokoanyo ya Sidney Mendelssohn. Ka 1917, o ne a abelana ka kokoanyo ya gagwe ya Africana eo e nang le dilo di le 7 000 go Palamente. Go na le ditlhogo dingwe di le 200 000 mo bobeelobuka, go tsenyeletsa e direkoto tsa botlhokwa tsa pele tsa Aforika Borwa le Aforika.
Fa gare ga dithalwa tse di tlhagisitsweng mo leboteng la mosiamo ke ditiro tsa motaki wa seketšhe, Francois Le Valliant. E ne e le motsamai wa Mofora yo o tsamaileng maeto go kgabaganya Kapa bophirima le bokone magareng ga 1781 le 1784.
Mebala ya metsi e rekota maeto a.
Dikokoanyo tsa dithalwa le ngwaoboswa di bolokilwe mo Palamenteng, tsa kwalwa mo tokomaneng le go bolokwa ke kantoro ya dithalwa ya Palamente mme di setšhaba se ka di fitlhelela go ka di bona. Dikokoanyo di botlhokwa le go nna le boleng jwa hisitori, fela di emele batho botlhele botaki jwa naga e. Palamente e lwela go nna kemedi mo go bontsheng botaki jo bo emelang Maaforika Borwa otlhe. Mefuta e mentšhwa le e e farologaneng e a tlhaolwa go bontshiwa go dira botaki jwa Palamente karolo ya leeto, go na le bokhutlo.
Metsatsanbetso ya Keiskamma e emela bataki ba le bantsi, go na le motaki a le nosi. Phetogo e e bonalang ya malejoa mo Aforika Borwa e tshwerwe ke Metsantsabetso ya Keiskamma mo diferwaneng tsa moago wa Kokoano Bosetšhaba ya Bogologolo. Metsantsabetso e e tlhalosang hisetori ya kgaratlho ya Aforika Borwa e dirilwe ke bomme go tswa kwa Kapa Botlhaba, mme e tsenyeletsa ditshwantsho go tswa go pampiritshedimosetso ya ditlhopho e newa batlhophi ba Maaforika Borwa ka ditlhopho tsa ntlha tsa temokerasi.
Serwalwa sa gauta se se neetsweng Palamente ka 1963 ke ditšhembara tsa dimmaene tsa Teransefala le Foreisetata e emetswe ke serwalwa sa batho. Mo godimo ga serwalwa sa batho ke buka e e butsweng (e e emelang Molaotheo), ka moropa o o biletsang baemedi ba setšhaba kwa indaba.
Dilo di le mmalwa le dikgetse di tlhagisitswe mo karolong e e golaganyang kago ya Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense. Molao o o saenilweng go setlela Aforika Borwa ka 1910 o tlhagisitswe fao, ka letshwao la bogosi, fela jalo le ka Molao wa 1961 wa go setlela Rephaboliki ya Aforika Borwa.
Serwalo sa bogologolo se se tlhagisitsweng se tshwana le se se dirisiwang mo ntlong ya Commons kwa Engelane. Se se neng se bewa mo teretleleng ya Tafole ya Kokoano Bosetšhaba.
Diwiki tsa babusakgotla le badiredibagolwane mo ditafoleng tsa Kokoano Bosetšhaba di ne tsa fedisiwa ka Ferikgong 1987 morago ga kopano ya dikomiti ka melao e e leng teng le ditaelo - le fa wiki e ne ya rwalwa lwa bofelo ka 1994.
Matlapana go tswa ngweding, ka Moperesitente wa Aforika Borwa Richard Nixon le ona a tlhagisitswe.
<fn>Hansards. WomenAndParliament.2009-11-11.tn.txt</fn>
Basadi ke karolo e e fetang bontsi jwa halofo ya setšhaba sa Aforika Borwa ka jalo mantswe a bona a tshwanetse go akaretswa fa go tsewa ditshwetso le fa go dirwa molao.
Go akaretswa ga basadi mo go tseyeng ditshwetso ke motheo wa tshwanelo ya setho. Basadi ba tshwanetse go tsaya karolo mo go direng molao gonne go tsenngwa tirisong ga molao le dipholisi tsa puso di na le seabe mo matshelong a bona a tsatsi le letsatsi. Se se botlhokwa bogolosegolo ke gore dipatlisiso di bontshitse gore fa basadi ba tsaya karolo fa go tsewa ditshwetso, seno se lebisa kwa tsepamong e e oketsegileng le kabo ya didiriswa tse di tla tlhabololang boleng jwa matshelo a botlhe. Koketsego ya botsaakarolo jwa basadi mo go direng molao go ka tlisa tlhabololo ya phitlhelelo ya ditirelo tsa motheo, jaaka matlo, thuto le loago.
Molaotheo wa Aforika Borwa wa re setšhaba se tshwanetse go fitlhelela le go tsaya karolo mo Palamenteng le mo ditsamaisong tsa yona. Go na le ditsela tse di farologaneng ka fao seno se ka dirwang ka teng.
Basadi ba ka tsaya karolo mo go direng molao ka go boutela mokgatlho wa sepolotiki o ba naganang gore o ka emela dikakanyo le matshwenyego a bona botoka kwa Palamenteng. Ba ka nna gape le seabe mo go rulaganyeng le go direla mokgatlho o ba o tlhophileng le go o tlhopha mo maphateng a ona. Basadi ba tlhatlhogetse kwa maemong a a kwa godimo ka yona tsela e.
Setšhaba se na le tshwanelo ya go tsenela dikopano tsa dikomiti le go tsaya karolo mo Ditheetsong tsa Phatlalatsa. Fa ntlha e le mo dikgatlhegelong tsa setšhaba, Komiti ya Kokoano Bosetšhaba kgotsa ya Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e ka swetsa go tshwara ditheetso tsa phatlhalatsa kgotsa ba dira taletso ya go dira ditshwaelo. Maloko a setšhaba a ka ikgolaganya le Maloko a Palamente go ntsha maikutlo a bona ka karolo nngwe ya molao.
Molaotheo wa Aforika Borwa o neelana ka sebopego se se tebang le tlhatloso ya tekatekano ya bong, mme se se kaya le botsaakarolo jwa basadi mo go direng molao. Molaotheo o neelana ka dintlha dingwe tse di mmalwa mo go tsweletseng tekatekano ya bong. Molaotlhomo wa Ditshwanelo o netefaletsa Maforika Borwa go tshwarwa ka go lekalekana. Molaotlhomo wa Ditshwanelo o kgatlhanong le kgetholola go ya ka lotso le bong. Molaotlhomo wa Ditshwanelo o gatelela gore dikgato di tshwanetse tsa tsewa go tsweletsa go bona phitlhelelo ya tekatekano mo maphateng otlhe a puso.
Molaotheo o dira gore go nne le sebaka sa ditheo tseo di tshegetsang temokerasi, ga mmogo le botsakaarolo jwa basadi. Tseno di tsenyeletsa , magareng ga tse dingwe, Khomišene ka ga Tekatekano ya Bong le Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa.
Go tlaleletsa ditlhagiso tse go neelanwang ka tsona mo Molaotheong, Aforika Borwa e itlamile go tshola tekatekano ya bong ka tumelano ya yona ya dikopano tsa boditšhabatšhaba jaaka Kopano ya Phediso ya Kgethololo Kgatlhanong le Basadi (Convention on the Elimination of Discrimination Against Women)CEDAW) le Lefelo la Tiragatso (Platform of Action), eo e neng ya tlhomiwa ke Khonferense ya Basadi ya kwa Beijing. Aforika Borwa ke karolo ya mananeo a tiragatso a le mokawana a Aforika le tsweletso ya basadi, sk. tsamaiso ya Setšhaba sa Tlhabololo sa Borwa jwa Aforika (SADC) ka ga bong le tlhabololo.
Tsela ya ntlha e bile e le yona e e botlhokwa go gaisa ya basadi mo go nneng le seabe mo Palamenteng ke ka nako ya ditlhopho. Mokgwa o batho ba boutang ka ona mo ditlhophong ke ona o bontshang ka fao Kokoano Bosetšhaba le Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense di tlhamilweng ka teng. Ditlhopho tsa bosetšhaba di naya batho botlhe ba dingwaga tse di fetang 18 tshwanelo ya go tlhopha mokgatlho o ba o boutetseng. Basadi ba dira palo e e bonalang ya batlhophi mme ba ka dirisa tshwanelo ya bona ya go tlhopha gore ba tle ba tlhotlheletse gore Palamente e tlhamiwa jang, le gore setheo se, se tsweletsa jang tlhabololo ya basadi.
Lefapha le lešwa ka ga Basadi, Bašwa, Bana le Batho ba ba nang le Dikgwetlho le lona le tlhamilwe go kopanya ditiro tsa puso mo go tlhabololeng le go sireletsa batho ba ba leng mo kotsing mo setšhabeng sa rona.
Le fa e le gore basadi ke karolo e kgolo ya bogolo ba setšhaba sa Aforika Borwa, basadi ba sa ntse ba le kwa tlase fa go tsewa ditshwetso. Go na le dikgwetlho di le dintsi tse di thibelang basadi go tshameka karolo e e tletseng mme e le mosola, mme nngwe e kgolo ya tsona ke bohuma. Bohuma ke kgwetlho e basadi ba le bantsi ba Aforika Borwa ba lebaganeng nayo, bogolosegolo basadi ba kwa metseselegaeng.
Go fitlhelela ditirelo tsa motheo jaaka thuto, metsi le loago, bong jo bo sa lekalekaneng, lotso, le dikamano tsa maemo a batho mo setšhabeng di nna le tlhotlheletso e kgolo.. Gore basadi ba tseye karolo ka bojotlhe mo go direng molao, ditirelo tsa motheo di tshwanetse go tlhabololwa gore basadi ba di fitlhelele.
Bontsi jwa basadi bo tlhaela matlafatso ya ikonomi. Ka setlwaedi basadi ke setlhopha se se humanegileng mo Aforika Borwa mme kgonagalo e ntsi ya gore ba newe ditiro tse di kwa tlase kgotsa ba se bone ditiro. Go tlaleletsa se, HIV/AIDS e ama palo e ntsi ya basadi bogolosegolo basadi ba ba santseng ba le bannye ba le mo dingwageng tsa go tshola bana.
Tirisodikgoka kgatlhanong le basadi ke nngwe ya dikgwetlho tse kgolo tse di lebaneng Aforika Borwa.
Temokerasi ya rona e e golang e tlhabolotse phitlhelelo ya basadi go fitlhelela maatla a sepolotiki le go nna karolo ya go tsaya ditshwetso. Aforika Borwa e na le molao go samagana le tekatekano ya bong.
Kgwetlho ke go dira gore ditshwanelo di fitlhelele basadi botlhe.
Kemedi ya basadi mo Kokoanong Bošetshaba e tlhatlhogetse go 45%. Aforika Borwa e mo maemong a boraro mo lefatsheng go ya ka kemedi ya basadi mo Palamenteng.
Banna ba na le karolo e e botlhokwa e ba ka e tshamekang go fitlhelela tekatekano ya bong mo setšhabeng sa Aforika Borwa. Bontsi jwa banna ba tsaya kgato kgatlhanong le tirisodikgoka kgatlhanong le basadi le bana. Banna ba tshwanetse go tlhotlheletsa banna ba bangwe go fetola mekgwa le go tlotla basadi. Banna le basadi ba tshameka karolo e e lekalekanang mme e bile e le botlhokwa mo go fetoleng dikamano tsa bong mo setšhabeng. Ga go setšhaba sepe se se ka gololosegang ka bojotlhe go fitlhela basadi le banna ba sona ba gololosegile e bile ba lekana, mme go fitlha ga jaaana, banna le basadi ba abelana maikarabelo.
<fn>Hansards. Youth.2009-11-12.tn.txt</fn>
Ka 1974, mmuso wa tlhaolele o ne wa tsaya tshwetso ya go busetsa molao o Dr HF Verwoerd a lekileng ntle le go atlega go o tsenya tirisong ka 1953, fa a ne a tshwere potifolio ya thuto. Puso ya nako eo e ne ya gapeletsa molao wa "50/50" gore Aforikanse e tshwanetse go nna puo e e dirisiwang go ruta mmetse, thutoloago le dipalo, fa saense, thuto ya tsa logong, le botaki di rutiwe ka Seesemane. Barutabana le batsadi ke bona ba ntlha go ganana le seo.
Ka 1975, Diboto di le supa tsa dikolo di ne tsa laela barutabana gore ba se ka ba ruta ka Aforikanse, seo se neng sa lebisa kwa Lefapheng la Thuto Ya Bantsho go leleka badulasetilo ba le batlhano ba Boto.
Ka 1976, letlhoo la tsamaiso ya Thuto ya Bantsho le ne le oketsega. Fa go atamela dikgaruru tsa di 16 tsa Seetebosigo, baithuti ba Soweto ba ne ba kwala moono "Re tsena go Ithuta, Re tswa go Direla" kwa kgorong e nngwe ya dikolo tse dikgolwane.
Ka Mopitlwe wa ngwaga oo Aforikanse e gapeleditsweng go nna puo ya go ruta e e diriswang kwa dikolong dingwe tsa Soweto, letlhoo la molao wa 50/50 la simolola go tlhatlhogela kwa godimo.
Ka di 17 Motsheganong dikolo dingwe di ne tsa rulaganya matsholokgatlhanong, di batla gore Aforikanse e fedisiwe go ka nna puo e go rutiwang ka yona.
Ka Seetebosigo, dikolo dingwe tsa gana go kwala tlhatlhobo ya thutoloago ka Aforikanse mme ba tshosetsa ka go ngala kgotlhelele go kwalwa ga ditlhatlhobo tsa Seetebosigo.
Ka Sontaga wa 13 Seetebosigo, go ne ga tshwarwa kopano moo go neng ga swetswa gore go tshwanetse go tshwarwa mogwanto go kgabaganya Soweto ka di 16 le 17 tsa Seetebosigo, o feleletsa ka kopano e kgolo ka Labotlhano, Seetebosigo a le 18. Kwa kopanong ya Sontaga komiti e e bidiwang Komiti-Tiragatso ya Soweto (SAC) e ne ya tlhangwa, e na le maloko a le mabedi go tswa mo sekolong sengwe le sengwe se segolwane mo Soweto. Komiti e ne e tlhophelwa go rulaganya mogwanto o o neng o ikaeletswe wa kagiso.
Ka di 13 Seetebosigo SAC le botlhe ba ba neng ba tsenetse kopano ba ne ba dira maikano a go tshola sephiri gore maano a bona a seka a senngwa ke ditlhodi. Mo sebakeng sa malatsi a le mararo ba ne ba phasalatsa kgang le go rebola ditaelo ka potlako ka ga se se dirwang mo letsatsing leo..
Mo mosong wa Laboraro, 16 Seetebosigo 1976 , baithuti go kgabaganya Soweto ba ne ba kgobokana kwa mafelong a kopano a feta 12 go ipaakanyetsa mogwanto. Bathusi ba mogwanto ba ne ba ntsha dipolakate tse di kwadilweng moono ka seatla tse di tshwanang le " Fatshe ka Aforikanse" le "Aforikanse ke puo ya Semorafe".
Letsatsi le le tlhagisa ntlhakgolo ya go nna kgatlhanong ga bašwa ba Aforika Borwa go go simolotseng go sa le gale le go tswelela go fitlhela kwa tshimologong ya temokerasi ka 1994. Dikgaruru tsa kwa Soweto, ke setlhoa sa ditiragalo tsa go nna kgatlhanong ga bašwa, ya baka metseletsele ya boipelaetso go ralala naga eo e neng ya kgatelelwa ke mmuso wa tlhaolele . Bontsi ba batho ba ne ba tlhokafala, makgolokgolo a ne a tshwarwa mme bontsi jwa tshaba mo nageng go tsenela mekgatlho ya kgololosego e e ileditsweng kwa botshabelo. Botlhokwa jwa 16 Seetebosigo 1976 bo ikaegile ka tsela e e bontshang go intsha setlhabelo ga motho, maitlamo go kgololosego le go tshela ka boikgantsho ba setšhaba.
Gape se, se nnile le tshosometso mo tlhabololong ya tsamaiso ya thuto e e tlotlang seriti sa motho, dipharologano tsa setso, kgololosego ya go itlhophela le go batla go netefatsa gore go na le phitlhelelo e e lekalekanang.
Ditiro tsa bašwa ba di 70s di nnile le seabe se segolo thata mo go bopeng bokamoso jwa naga ya rona. Bašwa jaaka baeteledipele ba isago ba ne ba kgona go ipopela bokamoso le go itlhophela tsela eo ba batlang go e sala morago. Ka go kgona go bonela kwa pele, tiro le go intsha ditlhabelo ga bona ba ne ba oketsa ntwa kgatlhanong le puso ya kgatelelo, se kwa bofelong se neng sa lebisa kwa temokerasing.
Bašwa ba tsweletse go tshameka karolo e e botlhokwa mo setšhabeng mme puso ya temokerasi e itlamile mo go tlhabololeng ga bašwa, bao e leng bajaboswa jwa kgololosego eo re e fentseng ka thata. Dikgatlhego tsa bašwa jaanong di tshegediwa ke Lephata la Tsweletso ya Bašwa(YDA) le le sa tswang go tlhomiwa go tsena mo boemong jwa Khomišene ya Bašwa le Letlole la Bašwa la Umsobomvu, jaaka lephata la puso go arabela merero ya bašwa.
Bašwa ba gompieno ba lebaganwe le dikgwetlho di le dintsi tse di tsenyeletsang palo e e kwa godimo ya botlhokatiro, bohuma le bosenyi. Botlhokatiro bo itemogelwa go bašwa ba ba farologaneng, go tswa mo go ba ba nang le marematlou go ya go dialogane go tswa kwa ditheong tse dikgolwane tsa thuto.
Bašwa ba Aforika Borwa gape ba lebaganwe ke kgwetlho e e tlisiwang ke malwetsi a thobalano le ditshwaetso, go tsenyeletsa le HIV/Aids.
Bašwa le matlo a a eteletsweng pele ke bana a oketsega ka ntlha ya dintsho tsa batsadi e le ditlamorago tsa malwetsi a a amanang le HIV/AIDS, jaaka TB.
Kgwetlhokgolo e e lebaganeng naga e eme mo go direng bašwa go nna le kitso ya gore ke bomang, go itse hisetori le go ba rotloetsa go nna ba le boikanyego go naga ya bona. Go lebeletswe kgatlhego e e bontshitsweng ke bašwa mo ditlhophong tsa bone tsa temokerasi, seno ke ntwa e e setseng e fentswe.
Puso e ya temokerasi e beile maphata jaaka Lephata la Bosetšhaba la Tsweletso ya Bašwa (NDA) eo e neilweng taolelo go mekamekana le merero ya bašwa, go tswa mo pholising go ya go tsweletso. Maikarabelo a Lephata le, a rwelwe ke Tona mo Lefapheng la Moporesitente. NDA ke Lephata le le tlhomilweng ke puso go araba ka tlhamalalo dikgwetlho tsa ikonomi tse bašwa ba lebaganeng le tsona, mme jaaka Lephata la tsweletso ka matlole, e ikaeletse go tlhoma lefelo la go tlhama ditiro, tsweletso ya bokgoni, le go abelana ka bokgoni go bašwa ba Aforika Borwa.
Botlhokwa le kelotlhoko ya thuto di bontshitswe ke lebaka la gore Thuto ya Motheo le Thuto e e Tswelelang di na le Ditona tse di farologaneng, go netefatsa gore dipotifolio tsa bona di bona tshegetso.
Palamente e na le dikomiti tse di jaaka Komiti e e ka ga Basadi, Bana, le Batho ba ba nang le Dikgwetlho ya Kokoano Bosetšhaba, le Komiti e e ka ga Basadi, Bana le Batho ba ba nang le Dikgwetlho ya Khansele ya Bosetšhaba ya Diporefense, eo e batlang go mekamekana le merero ya bašwa. Dikomiti di rwele maikarabelo a go lebelela merero ya bašwa mme e tshwanetse go mekamekana le molao o o amang bašwa.
Palamente mo tirong ya yona ya go ela maemo tlhoko, e lebelela tsenyotirisong ya melao e e fetisitsweng e e tsenyeletsang eo e rulaganyeditsweng bašwa ba naga.
Go dira gore Palamente e fitlhelelwe, go na le lenaneo le le bidiwang " Molelwane wa Maloko" moo bašwa ba kopanang le Maloko a Palamente ka bongwe ka merero e e botlhokwa mo go bona. Ba ka nna ba dira gore mantswe a bona a utlwagale ka go dira ditshwaelo tsa molomo kgotsa ka go di kwala.
Bašwa ba dira karolo ya setšhaba eo e ka tsenelang Dikopano tsa Dikomiti moo bontsi jwa tiro ya Palamente bo dirwang gona, mme gape ba ka tsenela dikopano tsa Ntlo go ka lebelela, go ikhumisa le go imatlafatsa.
Palamente e na le ditiro tse di farologaneng tse di lebisitsweng maphata a a farologaneng, sekao. Palamente ya Bašwa (eo e tshwarwang ka nako ya Kgwedi ya Bašwa) moo merero e e botlhokwa go bašwa e sekasekiwang mme ke moo botsaakarolo e leng jwa bašwa fela, le ditsamaiso e le tse di lebisitsweng go bona.
Molaotheo o gapeletsa Palamente go tsenyeletsa setšhaba mo ditiragalong le ditsamaisong tsa yona, fa go le jalo bašwa jaaka karolo ya setšhaba ba lalediwa go le gantsi go tsaya karolo mo mananeong a Palamente, jaaka ditheetso tsa Setšhaba, Puo ya Moporesitente ya pulo ya Palamente le maiteko a mangwe a ka nnang teng le mananeo a botsaakarolo jwa setšhaba.
Phamfolete e e gona ka dipuo di le 11 tsa semmuso tsa Aforika Borwa.
<fn>Hansards. YouthDay.tn.txt</fn>
Setlhogo: "Palamente e tshwenyegang ka go tsweletsa pele tlhabololo ya baša go ka fitlhelela kgololosego ya ikonomi."
"Hisetori ya rona e kgoreleditse baša go tsaya maikarabelo ba le bannye. Ba fetogile balwela kgololosego fa ba ne ba tshwanetse go tshameka, kgotsa ba le kwa sekolong. Jaanong baša ba Aforika Borwa ba lebagane le dikgwetlho tse di masisi thata ka lebaka la dingwaga tsa go tingwa ditšhono, dithulano le dithuto tse di sa tsamayang ka tolamo. Bopelokgale le boineelo di tlile go nna botlhokwa mo go fenyeng dikgwetlho le gore baša ba rona ba natefelwe ka botlalo ditshiamelo tse temokerasi e ba tsholetseng tsona."
June 16 e ne ya itsisiwa go nna letsatsi la khunologo la setšhaba ke puso ya temokerasi ya Aforika Borwa morago ga 1994. Seno ke go gopola mogwanto wa baša o diragetseng ka Seetebosigo 1976. Kgwedi yotlhe e beetswe thoko go ka keteka kgaratlho ya baša ba Aforika Borwa kgatlhanong le puso ya tlhaolele.
E bontsha setlhoa sa ntwa ya go nna kgatlhanong ga baša ba Aforika Borwa, eo e simolotseng ka 1976 e be e tswelela go fitlhela kgorogo ya temokerasi ka 1994.
Kgaratlho eno ya baša e ne ya dira gore go nne le tlhabololo ya thuto e tlotlang seriti sa botho, ditso tse di farologaneng, le kgololosego ya go tlhopha, mme e leka gore go nne le tekatekano.
Baša ba dingwaga tsa 1970 ba nnile le seabe se segolo mo go bopeng isago ya naga ya rona.
Ba tswelela go tshameka karolo e botlhokwa mo setšhabeng, ebile puso ya temokerasi e ineetse go tlhabololo ya baša, jaaka baeteledipele ba isago le balebeledi ba kgolosego e re e fentseng ka natla.
go tlhoka go fitlhelela ditirelo tsa motheo.
Baša ba amilwe thata ke HIV/AIDS. Baša le malapa a eteletsweng pele ke bana a ntse a nna mantsi ka ntata ya go swa ga batsadi ke malwetsi a tsamaisanang le HIV/AIDS, jaaka TB.
Ka Puo ya Pulo ya Palamente ya gagwe, Moperesitente Jacob Zuma o ne a itsisa gore 2011 ke ngwaga wa go tlhama ditiro. O ne a bua gore maano a go tlhama ditiro a tshwanela go ka ikaelela go thusa tlhabololo ya baša.
Go thusa go ka bua ka botlhokatiro, puso e thusa ka go neela bathapi ba ditheo tsa poraefete madi gore ba rotloetsege go thapa baša ba ba se nang maitemogelo.
Dintlha tsa thuto, bokgoni le tlhabololo ya dikgwebopotlana tsa baša di tlhageletse thata mo tekanyetsokabong ya ga Tona ya Matlotlo Pravin Gordan, mo ngwageng wa ditšhelete wa 2011/2012.
Tona ya Matlotlo o buile gore dithuso tsa ditšhelete tsa baithuti di tlile go okediwa gore baša ba bantsi ba kgone go fitlhelela kwa dikholetšheng tsa tsweletso ya dithuto le ikatiso, go ka tlhabolola bokgoni. Madi a mantsi a ne a tsengwa go Letlole la Bosetšhaba la Bokgoni, leo le tlamelang ikatiso ya babatlatiro.
Lenaneo la Bosetšhaba la Ditirelo tsa Baša kwa Magaeng, le dirilwe ke lefapha la Tlhabololo ya Magae le Thebolelo ya Lefatshe go ka thusa baša gore ba nne le bokgoni jo bo ntšhwa go ka nna le mosola kwa ba nnang teng.
Lenaneo la Bosetšhaba la Ikatiso ya Baša ya Boapei, le dirilwe ke lefapha la Bojanala, go neela baša bokgoni, kitso le maitemogelo gore ba kgone go bona ditiro tsa leruri kwa intastering ya kamogelabaeng le bojanala.
Lenaneo la Tlhabololo ya Bobetli, le dirilwe ke Lefapha Bosetšhaba la Ditiro tsa Setšhaba go ka tlhabolola bokgoni jwa baša ba ba mo lephateng la tsa go aga.
Puso ya temokerasi e setse e tlhamile Setheo sa Bosetšhaba sa Tlhabololo ya Baša (NYDA), seo e leng gore se neetswe dithata ke molao go ka mekamekana le dintlha tsotlhe tse di amang baša, go tloga kwa pholising go ya kwa tlhabololong.
NYDA e tlhamilwe ke puso go ka tsibogela ka gangwe dikgwetlho tsa ikonomi tse di lebaganeng le baša, mme jaaka Setheo se se tlhabololang ka matlole, se thusa ka tšhono ya go tlhama ditiro, tlhabololo ya bokgoni, le neelano ya bokgoni go baša ba Aforika Borwa.
Go tsweletsa pele setlhogo: "Palamente e kgathalelang e tlhatlhosa tlhabololo ya baša go ka fitlhelela kgololosego ya ikonomi," Palamente e dirile matlhale a farologaneng go ka mekamekana le dintlha tse di amang baša.
Komiti ya Palamente ya Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense ya Basadi, Bana le Batho ba ba nang le Dikgwetlho.
Dikomiti tseno di na le maikarabelo a go okamela kgang tsa baša mme e tshwanela go mekamekana le molao o amang baša.
Palamente e na le maano a farologaneng ao a lebaganeng le maphata a farologaneng, sekao, Palamente ya Baša (e tshwarwa ka Kgwedi ya Baša) moo go sekasekiwang kgang tse di amang baša. Ke baša fela ba tsayang karolo, mme ditsamaiso di neelwa bone.
Molaotheo o pateletsa Palamente go ka tsenyeletsa setšhaba go ditiro le ditsamaiso tsa yone, ka jalo baša jaaka karolo ya setšhaba ba lalediwa gangwe le gape go ka tsaya karolo mo maanong a Palamente, jaaka Ditheetso tsa Setšhaba, Puo ya Moperesitente ya Pulo ya Palamente le mananeo a mangwe ao setšhaba se tsayang karolo go ona.
Ba ka nna ba dira gore mantswe a bone a utlwagale ka go neelana ka dingongorego tse di kwadilweng kgotsa ka molomo.
Baša ke karolo ya setšhaba seo se ka tsenelang Dikopano tsa Dikomiti moo e leng gore ditiro tse dintsi tsa Palamente di a diragala, mme baša ba ka tsenela dikopano gore ba lebelele, ba ikhumise le go imaatlafatsa.
<fn>ICD Booklets Setswana.txt</fn>
Ke lefapha la mmuso le le theilweng ka Moranang 1997 go batlisisa dingongorego tsa keteko, bosenyi le go tshwengwa ke maloko a Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS), le Tirelo ya Sepodisi sa Mmasepala (MPS).
Lefapha la ICD le ikemetse go tswa go SAPS ka botswerere le bokgoni mo dipatlisisong tsa magatwe a bosenyi le dipogiso ke maloko a SAPS. Maikemisetso a lona ke go tsweletsa maitsholo a a lolameng a sepodisi.
Go tlhoofala ga batho ba ba tshwerweng ke sepodisi kgotsa ka ntlha ya ditiro tsa sepodisi (jaaka go tuntshiwa, keteko).
Go amega ga maloko a SAPS mo ditirong tsa bosenyi jaaka keteko, bogodu, bobod, tsietso, petelelo le melato menwge le mengwe ya bosenyi.
Mekgwa kgotsa maitsholo a a ileditsweng a sepodisi go ya ka Dikae lo tsa SAPS kgotsa Melawana ya Sepodisi, jaaka go itlhokomolosa tiro kgotsa go retelelwa ke go obamela Molao wa Maitsholo a sepodisi.
Go se kgotsofalele kgotsa go ngongoregela thuso e e bokowa ya sepodisi.
Go retelelwa ke go thusa kgotsa go sireletsa batlhokofadiwa ba tiriso dikgoka ya mo lapeng go ya ka Molao wa Tiriso Dikgoka mo Lapeng (DVA).
Gose itshole sentle kgotsa thumolano e e dirwang ke maloko a Tirelo ya Sepodisi sa Mmasepala(MPS).
Dingongorego tsa ditiro tse di dirilweng pele e tlhamiwa, ke gore pele ga Moranang 1997 le tseo di dirilweng go feta sebaka sa ngwaga di begelwa ICD, ntle le fa go na le mabaka a a kgethilweng.
Dingongorego kgatlhanong le badiri ba Ditirelo tsa Kgopololo, batlhankedi ba kgotlatshekelo, le maloko a Sesole sa Bosetšhaba sa Aforika Borwa.
Motho mongwe le mongwe, e ka tswa e le paki ya motlhokofatwsa kgotsa moemedi.
Mekgatlho e e seng ya mmuso le ya setšhaba.
<fn>IT12C SETSWANA.txt</fn>
MATSENO amogetseng kgotsa madi a a gogiwang mo lokgethong a o batlang go a Bukana eno ya kaelo e rulagantswe ka maikaelelo a go go thusa go tlatsa lopa foromo ya gago ya lokgetho ka nepagalo le ka tshwanelo ya madi a lotseno a gago ka nosi (IT12C). Bukana e e nang le tshedimosetso e e Tsweetswee gakologelwa gore lemororo o tlile go dirisa ditokumente go tseneletseng e ka bonwa mo setsheng sa inthanete sa SARS mo atereseng tlatsa diforomo tsa gago tsa lokgetho GA GO NA epe ya ditokumente tseno eno ya www.sars.gov.za. Fa o tlhoka thuso go tlatsa foromo ya gago ya e e tshwanelang go romelwa le foromo ya gago ya lokgetho fa o e romelela lokgetho o ka nna wa etela lekala la SARS kgotsa wa leba mo dikuranteng SARS. Lefa go ntse jalo, go batlega gore o boloke ditokumente TSOTLHE go bona dintlha ka botlalo tsa gore badiredi ba rona ba tla bo ba etetse tse di maleba sebaka sa dingwaga tse tlhano go direla gore fa SARS e ka e ditikatikwe tsa mabenkele, diholo tsa baagi le mafelo a mangwe a botlhe a di batla. mo tulong ya lona kae le gone leng.
A O NA LE FOROMO E E NEPAGETSENG YA LOKGETHO O TSHWANELA GO TLATSA FOROMO YA GAGO YA LOKGETHO LE Monongwaga SARS e simolotse go dirisa diforomo tse pedi tse diswa tsa GO E ROMELA MO GO RONA KA DI 31 OCTOBER 2007 lokgetho tsa batho ka nosi go go tlhofofaletsa dilo.
KAFA FOROMO YA LOKGETHO E TLADIWANG KA GONE Foromo ya lokgetho ya IT12S ke foromo ya ka gale ya batho ka nosi ba ba Tlatsa foromo ya lokgetho o dirisa pene e e nang le inki e ntsho kgotsa e amogelang salari le tuelo-tlaleletso ya mosepele ebile ba na le dituelo tse di pududu mme mokwalo wa gago o felele moteng ga dibaka tse o gogiwang mo lokgethong tsa go tshwana le dituelelo tsa kalafi le ritirement tlametsweng ka tsone mo foromong. Tsweetswee o kwale o sa annuity. tshwaraganye fa o tlatsa foromo eno ya lokgetho. O SEKA wa thala mola go ralala mabokoso a a seng maleba. Foromo ya IT12C ke foromo ya lokgetho e e raraaneng go feta ya batho ka Tsweetswee o seka wa phimola ka go dirisa seeledi sa go siamisa diphoso nosi ba ba bonang madi a lotseno a go tshwana le khomišene, rente, madi fa o dirile phoso. Gape re kopa gore o seka wa menaganya foromo ya a lotseno a go tswa dinageng di sele, madi a lotseno a a tswang mo gago ya lokgetho ka gonne seo se tla diegisa go sekasekiwa ga foromo ya kgwebong, madi a lotseno a a tswang mo polasing le poelo ya dipeeletso. gago ya lokgetho.
O tshwanela go tlatsa dikarolo tsotlhe tse di maleba tsa foromo ya gago ya Fa e le gore o amogetse foromo ya lokgetho ya IT12C mme lefa go ntse jalo lokgetho. Foromo nngwe le nngwe ya lokgetho e e sa tladiwang gotlhe e tlile o ikutlwa gore o wela mo setlhopheng sa batho ba ba tshwanetseng go go busediwa kwa go wena mme e tlile go tshwaiwa jaaka "e e iseng e romelwe amogela foromo ya IT12S o santse o tshwanela go tlatsa foromo ya lokgetho mo go rona (not submitted)" go fitlhela o re romelela foromo e e tladitsweng ya IT12C le go e romela mo go rona mme o seka wa kopa foromo ya IT12S. E gotlhe ya lokgetho. Seno se ka nna sa felela ka gore o otlhaelwe go romela tlaare fa SARS e sena go sekaseka foromo ya gago ya lokgetho e bo e fetola foromo ya gago ya lokgetho thari.
mo foromong ya gago ya lokgetho ya ga jaana le go siamisa tshedimosetso O patelesega go tlatsa dikarolo tse di latelang tse di leng mo foromong ya e e mo dikhomputareng tsa rona gore re go romelele foromo e e lokgetho: nepagetseng ya lokgetho mo ngwageng e e latelang.
Mosaeno: Foromo ya lokgetho ke pego e e patelesegang go ya ka molao e o e dirang go re itsise ka madi otlhe a lotseno, lokgetho le madi a a Tshedimosetso ya poraefete gogiwang mo lokgethong mo ngwageng.
Tlhatlhoba tshedimosetso e e gatisitsweng mo foromong go bona gore saena.
Nommoro ya ID (lekwaloitshupo) kgotsa nommoro ya paseporoto le mojeng wa tshedimosetso e e gatisitsweng mo foromong go kwala letlha la matsalo (bobotlana e le nngwe ya tseno e tshwanela go tladiwa). tshedimosetso e e siameng.
Tshedimosetso ya banka.
Madi a lotseno a o a amogetseng (le fa go sena madi a o a amogetseng community of property (lo tlhakanetse dithoto le mogatso) kgotsa ka mo ngwageng o santse o tshwanela go tlatsa karolo eno ka go kwala mokgwa wa out of community of property (ga lo a tlhakanela dithoto le nnoto mo go yone). mogatso) ka letshwalo la "X".
Ditifikeiti tse o di amogetseng go tswa kwa ditheong tsa ditšhelete tse di tshedimosetso e e siameng.
Tsweetswee kwala aterese ya tiro ya mothapi wa gago wa ga jaana.
Tshedimosetso e e amanang le ditshenyegelo tsa mosepele (fa seno se gago wa konokono - e ka tswa e le yo o berekang diura tse dintsi go feta le maleba) ba bangwe kwa go ene.
Tlhatlhoba tshedimosetso e e gatisitsweng mo foromong go bona gore a e siame mme fa e sa siama dirisa mabokoso a masweu a a kafa mojeng wa tshedimosetso e e gatisitsweng mo foromong go kwala tshedimosetso e e siameng.
Fa go sena tshedimosetso epe e e gatisitsweng mo karolong eno o tshwanela go tlatsa dikarolo tsotlhe tse di maleba ka tshedimosetso e e tshwanetseng.
Dituelo tse di dirwang ka khompiutara tsa madi a o a busediwang di dirwa go dirisiwa nommoro ya khoutu ya lekala mme eseng leina la banka. Jalo ga go batlege gore o re fe leina la banka e o bankang kwa go yone.
Ntlhanyana ya botlhokwa: SARS e duela ka ditšheke fela kafa tlase ga maemo a a kgethegileng jalo o tshwanela go re fa tshedimosetso ya banka gore o kgone go busediwa madi a gago. Ga go na madi ape a a busiwang a a tlileng go duelwa mo akhaontong ya banka ya motho yo mongwe kwantle ga gago.
Supa mokgwa oo o ratang re ikgolaganya le wena ka one ka go tshwaya lebokoso le le tshwanetseng o dirisa dinommoro tsa go tloga go 1 go ya go 5. Nommoro ya 1 e supa mokgwa oo o o ratang go gaisa yotlhe mme 5 e supa mokgwa oo o sa o rateng go le kalo.
Fa e le gore o dirisa mogakolodi wa makgetho wa seporofešenale go tlatsa foromo ya gago ya lokgetho tshedimosetso eno e tshwanela go tladiwa ke mogakolodi wa makgetho wa seporofešenale.
Fa e le gore o amogetse madi a lotseno a a bontshitsweng mo setifikeiting sa IRP5/IT3(a) o tshwanela go a kwala ka tsela e e supilweng fa tlase fano.
Khoutu e e mo kholomong ya ntlha e supa motswedi wa madi a gago a lotseno mme kholomo ya bofelo e supa selekanyo sa madi a o a amogetseng. Dikholomo tseno tse pedi ke tsone fela tse o tlileng go di dirisa go tlatsa karolo eno ya foromo ya lokgetho. Fa e le gore o amogetse setifikeiti se le sengwe fela sa IRP5/IT3(a) o tlile go tlatsa selekanyo sa madi mme morago o bo o tlatsa khoutu e e tshwanetseng ya motswedi wa madi ao mo karolong ya foromo ya lokgetho jaaka go bontshitswe fa tlase fano.
tshwanela go kwala madi a setifikeiti sengwe le sengwe sa IRP5 mmogo tse di nang le khoutu e e tshwanang ya motswedi wa madi jaaka go bontshitswe fa tlase fano. Lefa go ntse jalo, fa o na le dikhoutu di le robedi tse di farologaneng tsa madi a lotseno o tshwanela go founela Call Centre mo nommorong eno 0860 12 12 18 gore e go thuse go tlatsa foromo ya gago ya lokgetho.
Gape o tshwanetse wa dirisa mokgwa ono fa o amogetse ditifikeiti tse tharo tsa IRP5/IT3(a). Lefa go ntse jalo fa o amogetse ditifikeiti tse di fetang tharo tsa IRP5/IT3(a) tse di amanang le sebaka sa 1 March 2006 go ya go 28 February 2007 o tshwanela go supa palo ya ditifikeiti tse o di amogetseng mo karolong ya "Pego e nngwe" e e mo tsebeng ya boraro ya foromo ya lokgetho. Mo godimo ga moo o tshwanela go dira khopi ya setifikeiti sa IRP5/IT3(a) go tswa mo setsheng sa inthanete sa SARS mo atereseng eno www.sars.gov.za kgotsa o ka bona khopi go tswa kwa ofiseng ya lefelo la lona ya SARS, e tlatse malebang le sefitikeiti sa bone le tse dingwe tse di latelang mme o bo o se romela le foromo ya gago ya lokgetho. Fa o tlatsa foromo ya lokgetho mo inthaneteng o ka bona setifikeiti sa IRP5/IT3(a) mo inthaneteng.
Setifikeiti seno se go kgontsha go bega tshedimosetso ya lokgetho lwa SITE le lwa PAYE. Lefa go ntse jalo dikhoutu tsa madi a lotseno tse di amanang le ditifikeiti tsotlhe tsa IRP5/IT3(a) di tshwanela go tlhakanngwa jaaka go bontshitswe mo sekaong se se fa godimo.
Madi ano a ka bonwa mo karolong ya madi otlhe a a amogelwang ya sefitikeiti sa IRP5.
Dirisa madi a a bontshitsweng go bapa le khoutu ya 3697 go tlatsa karolo eno - fa o amogetse ditifikeiti tse di fetang nngwe tsa IRP5/IT3(a) madi otlhe a a tlhagang go bapa le khoutu ya 3697 mo ditifikeiting tseo a tshwanetse go tlhakanngwa gore o kwale palogotlhe ya one mo foromong ya lokgetho jaaka khoutu ya 3697.
Fa setifikeiti sa gago sa IRP5/IT3(a) se sena madi a a bontshiwang go bapa le khoutu ya 3697 o tshwanetse go tlhola go bona gore a go na le madi mangwe a a bontshiwang jaaka a "Y" mo kholomong ya RF IND. Fa go ntse jalo, o tshwanela go tlhakanya madi ano otlhe mme o bo o kwala palogotlhe ya one mo foromong ya lokgetho jaaka khoutu ya 3697.
Mo makgethong a madi a lotseno madi a a bonweng go tswa mo dipeeletsong a akarediwa mo mading a lotseno jaaka morokotso wa selegae, mokotso wa dinaga di sele le didibidente tsa dinaga di sele. Morokotso wa selegae o begiwa mo tsebeng ya bobedi ya foromo ya gago ya lokgetho mme go na le sebaka se se siilweng mo tsebeng ya boraro ya foromo ya gago ya lokgetho gore o bege madi a lotseno mo go yone a o a boneng go tswa mo morokotsong o o tswang dinageng di sele le didibidente tse di tswang dinageng di sele mmogo le dikeretiti tsa lokgetho lwa dinaga di sele, fa seno se le maleba.
Tlhakanya madi a a amanang le morokotso wa selegae o o tlhagang mo ditifikeiting tse tse o di amogetseng le tse di amogetsweng ke mogatso. Kwala palogotlhe ya madi otlhe a morokotso a a amotsweng ke wena le mogatso - karolo ya one e e sa kgethisiweng e tla balwa ke SARS. Boeletsa seno malebang le morokotso wa dinaga di sele le didibidente tsa dinaga di sele. O gakologelwe go tlhakanya dikeretiti tsa lokgetho lwa dinaga di sele eleng dikeretiti tsa gago le tsa mogatso le go kwala palogotlhe ya seno mo khoutung e e tshwanetseng mo tsebeng ya boraro ya foromo ya gago ya lokgetho. Go tlogetswe sebaka mo foromong ya lokgetho sa go bega ka go farologana dikeretiti tsa lokgetho lwa dinaga di sele mo go sone lo lo amanang le morokotso o o tswang dinageng di sele le didibidente tse di tswang dinageng di sele.
Tlhakanya madi a a bontshiwang e le morokotso wa selegae mo ditifikeiting tse o di amogetseng. Kwala palogotlhe ya madi a morokotso - karolo e e sa kgethisiweng e tla balwa ke SARS. Boeletsa seno mo morokotsong o o tswang dinageng di sele le mo didibidenteng tse di tswang dinageng di sele mme o bo o bega dipalogotlhe tsa seno mo tsebeng ya boraro ya foromo ya gago ya lokgetho mo dikarolong tse di maleba.
Fa o amogela salari jaaka madi a gago a lotseno mme e le motswedi wa konokono wa madi a gago a lotseno o tshwanela go dirisa lenaane le le fa tlase fano go tlatsa karolo eno. Lefa go ntse jalo, fa salari ya gago e se motswedi wa konokono wa madi a gago a lotseno o tshwanela go leba bukana ya Source Code Booklet mo setsheng sa inthanete sa SARS mo atereseng eno ya www.sars.gov.za go tlatsa karolo eno.
Ntlhanyana ya botlhokwa: Eno ke yone fela karolo e go dirisiwang DIRANTA LE DISENTE mo foromong ya lokgetho.
Gape o tla tlhoka ditifikeiti tsa gago tsa IRP5/IT3 go tlatsa karolo eno. Foromo ya lokgetho e go letla go dirisa ditifikeiti tse tharo mme jalo e kgaogantswe ka dikarolo tse tharo.
Fa e le gore o amogetse setifikeiti se le sengwe fela sa IRP5 kgotsa sa IT3(a) o tlile go tshwanela go tlatsa karolo ya ntlha fela. O tlile go kopiwa gore o kwale nommoro ya setifikeiti sa IRP5/IT3 e e leng mo sekhutlong se se kwa godimo kafa molemeng wa setifikeiti seo. Fa e le gore o ne o filwe setifikeiti se se nang le khopi o tla fitlhela gore se na le dinommoro tse pedi tsa setifikeiti. Nommoro e o tshwanelang go e kwala mo foromong ke e e kwadilweng go bapa le nommoro ya setifikeiti se go dirilweng khopi mo go sone.
Palogotlhe ya madi a lotseno e kwadilwe go bapa le khoutu ya 3699 mo karolong ya palogotlhe ya madi a a amogetsweng.
Karolo ya tshedimosetso ya go bala lokgetho e e mo setifikeiting e bontsha "periods in the year (dibaka tsa mo ngwageng)" mmogo le "periods worked (dibaka tse di berekilweng)". Fa o sena tshedimosetso eno o tshwanetse go tlogela dikarolo tseno o sa kwala sepe mo go tsone mo foromong ya lokgetho.
Madi a a leng go bapa le khoutu ya 4101 le ya 4102 a tshwanetse go tladiwa moo ka go farologana mo dibokosong tse o tlametsweng ka tsone ya lokgetho lwa SITE - khoutu ya 4101 le ya lokgetho lwa PAYE - khoutu ya 4102 mo foromong ya lokgetho. Fa e le gore o amogetse setifikeiti sa IT3(a) ga go tle go nna le madi ape a a gogilweng a lokgetho lwa SITE kgotsa PAYE mo setifikeiting seo. Mo kgannyeng ya go tshwana le eno dikarolo tse di maleba mo foromong ya lokgetho di tshwanetse go tlogelwa di le lophaka.
Kwala palo ya maloko le batlhokomelwa ba ba duelelwang Tshedimosetso e e batlegang e amana le dituelo tse o di dirileng mo letloleng la kalafi ka di 28 February 2007, go duelela wena le batho ba bangwe (batlhokomelwa) ba ba mo letloleng leo.
Gantsi tshedimosetso eno e bontshiwa mo setatamenteng sa letlole la tsa kalafi se o se amogelang go tswa letloleng la gago la tsa kalafi.
A palo ya maloko e fetogile mo ngwageng ya tshekatsheko?
Tshwaya lebokoso la "Y" kgotsa la "N" ka letshwao la "X".
Fa o arabile ka go re ee, kwala palogotlhe ya maloko le batlhokomelwa ka kgwedi.
Go na le sebaka sa dikgwedi tsotlhe tse somepedi tsa ngwaga wa tshekatsheko ya lokgetho go simolola ka "M" ya March ka gonne ngwaga wa tshekatsheko ya lokgetho o simolola ka di 1 March 2006.
Madi a mothapi wa gago a go a dueletseng a tlhaga go bapa le khoutu ya 4005 mo setifikeiting sa IRP5/IT3(a).
Madi a a duetsweng ke wena, ke gore, a o a duetseng ka akhaonto ya gago ya tšheke kgotsa ka debit order a tlile go tlhaga mo setatamenteng sa gago sa kalafi.
Fa e le gore o leloko la letlole la tsa kalafi o tla bona madi a ditshenyegelo tsa kalafi tse letlole la tsa kalafi le sa di duelelang mo setatamenteng sa tsa kalafi. Ano ke madi a o tshwanelang go a dirisa mmogo le madi a ditopo tse o sa di romelang kwa letloleng la tsa kalafi ka ntlha ya gore o fetile selekanyo go ya ka dithulaganyo tse di rileng tsa kalafi. Madi a a amanang le batlhokomelwa ba ba kgethegileng ga a tshwanelegele go gogiwa mo lokgethong mme ga a tshwanela go kwalwa mo foromong ya gago ya lokgetho. Fa o batla go bona tshedimosetso go ya pele bona buka ya kaelo e e nang le tshedimosetso e e tseneletseng mo setsheng sa inthanete sa SARS mo atereseng eno www.sars.gov.za.
Tshedimosetso eno e tlhaga go bapa le khoutu ya 4474 mo setifikeiting sa gago sa IRP5/IT3(a).
Fa wena, mogatso kgotsa ngwana wa gago a na le bogole bongwe madi a ditshenyegelo tse di amanang le bogole joo a tshwanetse go kwalwa fano fa di sa duelelwa ke letlole la tsa kalafi.
Batho ba ba golafetseng ke batho ba ba foufetseng, ba bosusu, kgotsa motho yo, ka ntlha ya kgolafalo ya leruri ya mo mmeleng, a tlhokang go dirisa wheelchair, calliper kgotsa seikokotlelo, go mo thusa go tsamaya, kgotsa motho yo o tlhokang tokololo ya mmele ya maitirelo. Gape e akaretsa le motho yo o tshwerweng ke bolwetse jwa tlhaloganyo go ya kafa bo tlhalositsweng ka teng mo Molaong wa Pholo ya Tlhaloganyo.
Ntlhanyana ya botlhokwa: Tsweetswee leba bukana ya kaelo e e nang le tshedimosetso e e tseneletseng go tswa mo setsheng sa inthanete sa SARS mo atereseng eno ya www.sars.gov.za go bona gore ke ditokumente dife tse di thusang tse di tshwanelang go bolokiwa sebaka sa dingwaga tse tlhano go tshegetsa topo ya gago ka mabaka.
Ga jaana -Dirisa madi a a leng go bapa le khoutu ya 4001 mo setifikeiting sa gago. Saletseng morago -Dirisa madi a a leng go bapa le khoutu ya 4002 mo setifikeiting sa gago.
Dirisa madi a a leng go bapa le khoutu ya 4026 mo setifikeiting sa gago.
Dirisa setifikeiti se o se amogetseng go tswa kwa setheong se o duetseng kwa go sone go tlatsa foromo ya lokgetho. O ka dira topo ya dituelo tse di dirilweng ke wena fela mo pholising e e tlileng go go solegela molemo.
Ntlhanyana ya botlhokwa: Tsweetswee leba bukana ya kaelo e e nang le tshedimosetso e e tseneletseng go tswa mo setsheng sa inthanete sa SARS mo atereseng eno ya www.sars.gov.za go bona gore ke ditokumente dife tse di thusang tse di tshwanelang go bolokiwa sebaka sa dingwaga tse tlhano go tshegetsa topo ya gago ka mabaka.
Go ya ka Molao wa Lokgetho lwa Madi a Lotseno ke madi a a rileng fela a a gogiwang a a letlelelwang fa o amogela salari. Go setse go builwe ka mangwe a madi ano a a gogiwang a go tshwana le dituelo tsa phenšene le tsa retirement annuity mo bukaneng eno ya kaelo.
Fa e le gore o amogela tuelo e e kgethegileng go tswa mo nageng eno mme tuelo eno e tlhaga go bapa le khoutu ya motswedi wa madi ya 3704 mo setifikeiting sa gago sa IRP5/IT3(a) o ka dira topo ya madi a ditshenyegelo. Kwala madi a a badilweng a a leng go bapa le khoutu ya 4017 mo tsebeng ya bobedi ya foromo ya gago ya lokgetho.
Fa o amogetse tuelo e e kgethegileng go tswa dinageng di sele e e tlhagang go bapa le khoutu ya 3715 mo setifikeiting sa gago sa IRP5/IT(a) madi a a badilweng a topo ya gago ya ditshenyegelo a tshwanetse go kwalwa mo tsebeng ya boraro ya foromo ya gago ya lokgetho go bapa le khoutu ya 4019.
Dirisa madi a a tlhagang mo rasiting e o e amogetseng. Gakologelwa gore madi ao a tlile go tshwanelega jaaka madi a a gogiwang mo lokgethong fela fa e le gore rasiti e bontsha gore e dirilwe go tsamaisana le Karolo ya 18A ya Molao wa Lokgetho lwa Madi a Lotseno.
Fa go na le madi a o a duetseng go sireletsa madi a gago a lotseno o tshwanetse go amogela setifikeiti go tswa setheong se o duetseng madi ao kwa go sone. Kwala madi ano go bapa le khoutu ya 4018 mo foromong ya gago ya lokgetho.
Fa o na le matlotlo a go tshwana le khoumpiutara mme o tshwanela go dirisa letlotlo leno ka metlha go dira ditiro tse di amanang le mmereko wa gago, o na le tshwanelo ya go dira topo ya madi a ditshenyegelo a kwelotlase ya boleng jwa letlotlo. Selekanyo sa madi a a badilweng se tshwanetse go kwalwa go bapa le khoutu ya 4027 mo foromong ya gago ya lokgetho.
Fa o thapilwe, o berekela salari mme lebaka la go thapiwa ga gago e le gore o duelele ditshenyegelo tsa go tlhokomela ofise ya kwa gae jaaka lefelo la gago la konokono la kgwebo, o ka nna wa tshwanelegela madi a a gogiwang mo lokgethong a ofise ya gago ya kwa gae.
Ditshenyegelo tsotlhe = Ditshenyegelo tsotlhe tse o nnileng le tsone gore o nne le porophathi eo le go e tlhokomela (go sa balelwe ditshenyegelo tsa go reka porophathi).
O ka nna wa dira topo ya ditshenyegelo tsa babueledi tse o nnileng le tsone ka ntlha ya topo nngwe e e amanang ka tlhamalalo le salari ya gago, tsa go tshwana le tsa kgetsi ya CCMA eleng koo topo eo ya madi a ditshenyegelo e tla, ka ntlha ya taelo ya kgotlatshekelo, akarediwang mo mading a lotseno kgotsa mo tuelong e e dirwang gore kgetsi e seka ya isiwa kgotlatshekelong e e leng kaga dikgogakgogano tse di amanang le badiri.
Tlhotlhwa e o rekileng koloi ka yone kgotsa tlhotlhwa ya boleng jwa yone; dikoloto tse di iseng di duelwe.
Nommoro ya kwadiso ya koloi.
Phokotso ya tshiamelo ya tlaleletso gore o "dirise sejanaga".
Ditshenyegelo tsa motlhankedi wa puso. Tswetswee gakologelwa gore fa re sena tshedimosetso eno SARS e ka se kgone go bala madi a topo ya gago ya ditshenyegelo tsa mosepele Fa o batla tshedimosetso go ya pele o ka ikgolaganya le ofise ya SARS ya mme jalo ga e kitla e sekaseka topo ya gago ya madi a ditshenyegelo. mo lefelong la lona kgotsa o ka nna wa bala bukana ya kaelo e e nang le tshedimosetso e e tseneletseng mo setsheng sa inthanete sa SARS mo Madi a ditshenyegelo tsa mosepele a a lopiwang kgatlhanong le tuelo ya atereseng eno ya www.sars.gov.za.
Mo mabakeng a go bolokilweng direkoto tsa boammaaruri tsa DITSHENYEGELO TSE O NNILENG LE TSONE GO BONA MADI A ditshenyegelo mo go one LOTSENO A KHOMIŠENE Tlatsa dilwana tse di maleba tse di leng kafa tlase ga setlhogwana sa Go ya ka Molao wa Lokgetho lwa Madi a Lotseno ditshenyegelo tse motho a "Where Records of Actual Expenditure where kept (Mo Mabakeng a go nnileng le tsone gore a bone madi a lotseno a khomišene a a amogetsweng di Bolokilweng Direkoto tsa Ditshenyegelo tsa Mmatota mo go One)" mo tlile go lekana le madi a a gogiwang mo lokgethong a go builweng ka one fa foromong ya lokgetho. godimo kwantle ga fa e le gore madi a lotseno a khomišene a a amogetsweng (ii) Mo mabakeng a go sa bolokiwang direkoto tsa boammaaruri tsa a feta 50% ya madi a lotseno a a amogetsweng go tswa mo motsweding o ditshenyegelo mo go one madi a a gogiwang mo lokgethong a lopiwang mo go one. Fa khomišene e Go tlile go dirisiwa lenaane la ditshenyegelo go bala madi a topo ya gago feta 50% ya madi a lotseno ditshenyegelo tse di maleba tse di leng mo ya ditshenyegelo fa e le gore ga o a tlatsa karolo ya dilwana tse di tsebeng ya bobedi ya foromo ya lokgetho di tshwanetswe go tladiwa. amanang le ditshenyegelo tsa mmatota. Fa ditshenyegelo tsa dilwana tse di rileng di sa tlhage mo foromong, madi a dilwana tse di ntseng jalo a tshwanetse go tlhakanngwa le go kwalwa MADI A LOTSENO A A TSWANG DINAGENG DI SELE (go sa balelwe jaaka ditshenyegelo "tse dingwe (other)". dikgwebisano tsa poelo ya dipeeletso tsa kwa dinageng di sele) Fa o nnile le ditshenyegelo tsa mosepele go dira madi a gago a khomišene mme o sa amogela tuelo ya mosepele o tshwanela go bala topo ya madi a Madi otlhe a lotseno a a tswang dinageng di sele a tshwanetse go begiwa ditshenyegelo o theile seo mo ditshenyegelong tsa mmatota tse o nnileng go dirisiwa Madi a Aforika Borwa. Fa o batla go bona tshedimosetso go ya le tsone mme o bo o kwala madi a topo ya gago ya ditshenyegelo go bapa pele tsweetswee bona bukana ya kaelo e e nang le tshedimosetso e e le khoutu ya 4015 mo tsebeng ya boraro ya foromo ya gago ya lokgetho tseneletseng mo setsheng sa inthanete sa SARS mo atereseng eno kafa tlase ga setlhogo se se reng "Other qualifying Deductions (Madi a www.sars.gov.za. Mangwe a a Gogiwang a a Tshwanelegang)". Ditokumente tsotlhe tse di tshegetsang ka mabaka ditopo tsa gago tsa Karolo eno e kgaogantswe ka dikarolo tse tharo mme ga e akaretse madi a ditshenyegelo di tshwanetse go bolokiwa sebaka sa dingwaga tse dikgwebisano dipe tsa poelo ya dipeeletso tsa kwa dinageng di sele. tlhano go direla gore fa go ka diragala gore SARS e di kope.
O tshwanetse go dirisetsa karolo ya ntlha go bega morokotso ope fela o o DITSHENYEGELO TSA MOSEPELE TSE DI LOPILWENG GO DUELELA tswang dinageng di sele le didibidente tse di tswang dinageng di sele tse TUELO YA MOSEPELE o di amogetseng. Tsweetswee leba tema e e mo bukaneng eno ya kaelo e O ka lopa madi a ditshenyegelo tsa mosepele fela ka go tlatsa tshedimosetso e e leng kaga Madi a Lotseno a Dipeeletso. Tsweetswee gakologelwa gore e amanang le topo ya madi a ditshenyegelo tsa mosepele mo tsebeng ya palogotlhe ya madi a lotseno e tshwanetse go tladiwa ka gonne SARS e bobedi ya foromo ya lokgetho fa e le gore o ne o amogela tuelo ya mosepele. tlile go bala 50% ya madi a o a abetsweng fa e le gore o nyetse/nyetswe ka Tuelo ya mosepele e tlile go supiwa mo setifikeiting sa gago sa IRP5/IT3(a) go mokgwa wa community of property le go dirisa ditaolo tseno mo bapa le khoutu ya 3701 le/kgotsa ya 3702 ya setifikeiti sa gago. Tsebe ya dikeretiting tsa lokgetho lwa dinaga di sele tse di amanang le didibidente bobedi e go fa sebaka sa go kwala tshedimosetso ya dikoloi tse pedi. Lefa go tse di tswang dinageng di sele le morokotso o o tswang dinageng di sele. ntse jalo, fa o dirisitse dikoloi tse di fetang tse pedi mo ngwageng, tse o tshwanetseng go di dirisa go bala madi a topo, o tshwanela go supa palo ya Karolo ya bobedi ya karolo eno ya foromo ya lokgetho e go fa sebaka sa dikoloi tse o di dirisitseng mo karolong ya "Additional declaration (Pego e go bega madi a lotseno a a tswang dinageng di sele a go tshwana le madi nngwe)" e e mo tsebeng ya boraro ya foromo ya lokgetho. Mo godimo ga moo a lotseno a rrapolase kgotsa mogwebi kwa dinageng di sele.
o tshwanela go dira khopi ya šejule ya dikoloi go tswa mo setsheng sa inthanete sa SARS mo atereseng eno ya www.sars.gov.za kgotsa o ka bona khopi go Tsweetswee gakologelwa gore ke porofete fela e e tswang go Controlled tswa kwa ofiseng ya lefelo la lona ya SARS, e tlatse malebang le koloi ya boraro Foreign Company (CFC) e e tlileng go dirisiwa go bala lokgetho lo lo le tse dingwe mme o bo o e romela le foromo ya gago ya lokgetho. Fa o tlatsa tshwanelang go duelwa. Ditatlhegelo go tswa go CFC ga di a tshwanela foromo ya lokgetho mo inthaneteng o ka bona šejule ya dikoloi mo inthaneteng.
nngwe le nngwe.
A o ne o dirisa buka ya go kwala dikilometara tsa mosepele?
O ka nna wa kgetha go lopa madi a ditshenyegelo tsa mosepele o dirisa Karolo ya boraro ya karolo eno ya foromo ya lokgetho e go fa sebaka sa go dikilometara tsa mmatota tse o di sepetseng kgotsa ka go dirisa mokgwa o o bega dikeretiti tsa lokgetho lwa dinaga di sele. Fa e le gore o letlwang ke Molao wa Lokgetho lwa Madi a Lotseno fa e le gore o ne o nyetse/nyetswe ka mokgwa wa community of property SARS e santse e amogela tuelo ya mosepele. O tshwanetse go bo o na le buka ya go kwala tlile go dirisa mokgwa wa go kgaoganya dikeretiti tsa lokgetho lwa dinaga dikolometara e e tladitsweng ka tshwanelo gore o kgone go dirisa di sele mo morokotsong o o tswang dinageng di sele le mo didibidenteng dikilometara tsa mmatota tse o di sepetseng. Fa o sa tlhope ka go dira tse di tswang dinageng di sele. letshwao le le maleba mo lebokosong la "Yes" kgotsa "No", go tlile go tsewa gore go tshwanetse ga dirisiwa mokgwa o o letlwang ke molao o o fa godimo. Supa gore a o kgetha go duedisiwa lokgetho mo didibidenteng ka go Go ya ka mokgwa ono dikilometara tsa ntlha tse 18 000 tse di sepetsweng di tshwaya lebokoso le le tshwanetseng ka letshwao la "X". Fa o arabile ka "Y" tlile go tsewa jaaka dikilometara tsa poraefete tse di sepetsweng. Fa o bala keretiti ya lokgetho lwa dinaga di sele lo tla tlogelwa, fa seno se le maleba. madi a ditshenyegelo tsa mosepele a a lopiwang palogotlhe ya dikilometara tse di sepetsweng di tlile go felela ka dikilometara tse 32 000.
Tsweetswee gakologelwa gore bobotlana tshedimosetso e e batlegang Madi otlhe a dikgwebisano tsa poelo ya dipeeletso a tshwanetse go mo bukeng ya go kwala dikilometara tsa mosepele ke e e latelang: begiwa fano.
Letlha le loeto lo tserweng ka lone; dikgwebisano tsa selegae le tsa dinaga di sele.
Lefelo le o neng o tswa ka go lone le le o neng o ya kwa go lone; lokgetho lwa dinaga di sele le tsone di tshwanela go begiwa fano.
Lebaka la mosepele. O duedisiwa lokgetho lwa poelo ya dipeeletso (CGT ka Seesemane) fa o rekisa letlotlo la peeletso. Ga go na poelo kgotsa tatlhegelo e e nnang teng Go bala madi a a lopiwang a ditshenyegelo tsa mosepele kwantle ga fa letlotlo la peeletso le rekisiwa kgotsa go tsewa gore le rekisitswe.
Letlha la go simolola le la go konela; lokgetho kgotsa morago ga moo.
Palo ya dikilometara tsa kgwebo tse di sepetsweng; jaanong e e tlileng go wela mo thulaganyong ya CGT.
Letlotlo le tlhalosiwa ka kakaretso ka mo go ka kgonegang ka gone Madi a a bonweng R 2 800 000 mme le akaretsa porophathi ya mofuta mongwe le mongwe le Ditshenyegelo tsa konokono -R 1 000 000 morokotso mo go yone.
Go rekisa lotlotlo go akaretsa tiragalo epe fela, kgato, kgato ya molao, e e felelang ka go bopiwa, fetola, tshutiso kgotsa go nyelela ga letlotlo. Tlhakanya madi otlhe a a amanang le porofete e e bonweng mo nageng eno Gape go akaretsa ditiragalo tse di rileng tse di tsewang jaaka dithekiso, (a a badilweng mo kholomong ya bone ya lenaane) Fa e le gore o nnile le tsa go tshwana le go fetola tiriso ya letlotlo. (Ditema tsa 65 le 66 tsa ditatlhegelo dingwe le tsone ditatlhegelo tseno o tshwanela go di tlhakanya Šejule ya Borobedi ya Molao wa Lokgetho lwa Madi a Lotseno e letla morago ga moo o bo o ntsha ditatlhegelo mo porofeteng go bona gore gore go tlhophiwe ikhutsiso ya lokgetho malebang le peeletso-seswa le porofete kgotsa tatlhegelo ke bokae. Palogotlhe ya porofete kgotsa tatlhegelo dithekiso tse di sa dirweng ka go rata mo matlotlong a a rekisitsweng ka e tshwanela go begiwa mo foromong ya lokgetho go bapa le khoutu ya 4250 di 22 December 2003 kgotsa morago ga moo. Go bona tshedimosetso le ya 4251 ka go farologana ga tsone. Diporofete le ditatlhegelo tsa dinaga di go ya pele bona Explanatory Memoranda on the Revenue Laws sele le tsone di tshwanela go balwa ka tsela e e tshwanang go bona gore Amendment Bill (71 wa ka 2003), o o ka bonwang mo setsheng sa porofete kgotsa tatlhegelo ya dinaga di sele ke bokae. Palogotlhe ya porofete inthanete sa SARS mo atereseng eno ya www.sars.gov.za). kgotsa tatlhegelo ya dinaga di sele e tshwanela go begiwa go bapa le khoutu ya motswedi ya 4252 le ya 4253 ka go farologana ga tsone.
Fa letlotlo le sena go rekisiwa madi a a amogelwang kgotsa a a bonwang ke morekisi wa letlotlo a bopa madi a a bonweng go tswa mo thekisong.
Ditshenyegelo tsa konokono tsa letlotlo ka kakaretso ke ditshenyegelo tshwanela go begiwa ka gonne SARS e tlile go a kgaoganya ka 50% fa go tse motho a nnileng le tsone ka mmatota go bona letlotlo leo mmogo le balwa tshekatsheko ya lokgetho. ditshenyegelo tse di amanang ka tlhamalalo le go tokafadiwa ga lone le ditshenyegelo tsa ka tlhamalalo tse di amanang le go bapalwa ga Fa e le gore o nyetse/nyetswe ka mokgwa wa out of community of property letlotlo le go le rekisa le ditshenyegelo tse di rileng tsa go le boloka. kgotsa o sa nyala/nyalwa o tshwanetse go bega diporofete tse di Ditshenyegelo tsa konokono ga di akaretse madi ape fela a o letlwang bonweng ke wena fela. go a goga mo lokgethong.
Ka nako ya fa SARS e sekaseka lokgetho e tlile go bala karolo e e Ditshenyegelo tsa konokono tsa letlotlo le motho a neng a na le duelwang lokgetho ya poelo kgotsa tatlhegelo mo peeletsong e e tlileng lone ka di 1 October 2001 ke dife go dirisiwa fa go balwa lokgetho lo lo tshwanelang go duelwa. Jalo o O ka dirisa mongwe wa mekgwa e e latelang go tlhaola karolo ya poelo ya tshwanela go bega palogotlhe ya madi otlhe?
ya madi a a amogetsweng fa o sena go rekisa letlotlo e ka tsewa nang le tshedimosetso e e tseneletseng mo setsheng sa inthanete sa jaaka ditshenyegelo ga go na direkoto, ga go itsiwe gore tlhotlhwa ya SARS mo atereseng eno ya www.sars.gov.za.
Mokgwa wa go kgaoganngwa ga nako. Eno ke karolo ya foromo ya lokgetho e o tshwanelang go e dirisetsa go bega madi ape fela a mangwe a lotseno a a tswang mo nageng eno a o a Go batlega ditifikeiti tsa go tlhongwa ga tlhotlhwa ya letlotlo amogetseng ao foromo eno ya lokgetho e sa a tlogelelang sebaka ka Fa go diragala gore go dirisiwe mokgwa wa go tlhongwa ga tlhotlhwa ya totobalo a go tshwana le a dikatso (royalties). letlotlo ya kwa dimmarakeng kgotsa go bonwe ditifikeiti tsa go tlhongwa ga tlhotlhwa ya letlotlo go akaretsa le ditifikeiti tsa dišere tse di sa Tsweetswee gakologelwa gore fa o amogetse madi a lotseno go tswa mo tshwaregeng tsa go feta milione wa diranta, dišere tse di sa kwadisiwang teraseteng madi a a ntseng jalo a lotseno a sala ka leina la one mme jalo a tse di fetang dimilione tse 10 tsa diranta di tshwanetse go bolokiwa sebaka tshwanela go begiwa mo karolong ya one e e totobetseng e e leng mo sa dingwaga tse tlhano morago ga letlha le foromo ya lokgetho e foromong ya lokgetho e e amanang le motswedi wa madi ano a lotseno rometsweng ka lone le go begiwang thekiso ya letlotlo ka lone. pele ga o a abelwa go tswa mo teraseteng.
Go bala palogotlhe ya poelo / tatlhegelo Gape o tshwanela go supa gore a o amogetse madi ape fela go tswa mo Dirisa lenaane le le fa tlase fano go kwala madi otlhe a o a boneng fa o sena ditirong tsa polase ka go dira letshwao le le tshwanetseng mo lebokosong la go rekisa matlotlo a bo a latelwa ke ditshenyegelo tsa konokono. "Yes" kgotsa "No". Fa e le gore o amogetse madi a lotseno go tswa mo Pharologanyo ya seno ke porofete kgotsa tatlhegelo e e tshwanelang go polaseng o tshwanela go tlatsa šejule ya dipolase e e mo tsebeng ya botlhano kwalwa mo kholomong ya bone. ya foromo eno ya lokgetho. Fa e le gore o amogetse madi a lotseno go tswa mo ditirong tsa polase mme o sa amogela foromo ya lokgetho e e nang le Lefa go ntse jalo, fa e le gore letlotlo le le rekisitsweng leo e ne e le lefelo la ditsebe tse tlhano e e nang le šejule ya polase o tshwanela go bona foromo e gago la konokono la bonno o ka nna wa dirisa kholomo ya tlhatlhololo nngwe ya lokgetho go tswa mo setsheng sa inthanete sa SARS mo atereseng (exclusion) go ntsha 1.5 ya dimilione tsa diranta ya porofete kgotsa eno ya www.sars.gov.za kgotsa go tswa kwa ofiseng ya SARS ya lefelo la lona. tatlhegelo gore o kgone go bala poelo kgotsa tatlhegelo. Tsweetswee gakologelwa gore tlhatlhololo ya 1.5 ya dimilione tsa diranta ya bonno jwa MADI A MANGWE A A GOGIWANG A A TSHWANELEGANG konokono e tlile go nna ya porofete kgotsa tatlhegelo. Fano ke mo o tshwanelang go tlatsa teng madi a topo ya gago ya ditshenyegelo tse o nnileng le tsone mo tuelong e e kgethegileng e e Sekai: Mokgethisiwa o rekile ntlo (bonno jwa konokono) ka 2002 ka tswang dinageng di sele e e supilweng mo khoutung ya 3715 mo milione e le nngwe ya diranta. Ntlo eno e rekisitswe ka dimilione di le 2.8 tsa setifikeiting sa gago sa IRP5. Selekanyo sa madi a gago a topo ya diranta. Poelo ya seno e tshwanela go balwa ka tsela e e latelang: ditshenyegelo a tshwanetse go kwalwa go bapa le khoutu ya 4019.
Go thusa ka tlhatlhobo ya bokao jwa madi a a okeditsweng kgotsa a latlhegetsweng, o ka tlatsa tafole e e latelang.
Gape ke mo o tshwanelang go bega topo ya gago ya madi a a badilweng a 20A ya Molao wa Lokgetho lwa Madi a Lotseno o laela gore, go ikaegile ka ditshenyegelo tsa mosepele teng tse o nnileng le tsone fa e le gore ga o a diteko tse di rileng, tatlhegelo e e bonweng mo tshekatshekong ya amogela tuelo ya mosepele. Selekanyo sa madi a gago a topo ya lokgetho e e diragaletseng motho wa tlholego e ka nna ya seka ya gogiwa ditshenyegelo a tshwanetse go kwalwa go bapa le khoutu ya 4015. mo mading ape fela a lotseno a a bonweng ke motho yoo ka tsela e nngwe kwantle ga fa a ne a dira papatso eo.
Supa gore a o mokaedi wa khamphane kgotsa leloko la setlamo sa close Selo sa konokono se se batlegang gore go dirisiwe Karolo ya 20A ke gore, mo corporation ka go dira letshwao la "X" mo lebokosong le le tshwanetseng. ngwageng e go dirisiwang tshireletso kgatlhanong le tatlhegelo mo go yone, Tsweetswee gakologelwa gore fa o tshwaile lebokoso la "Y" gape o madi a lotseno a a duedisiwang lokgetho a moduedi wa lokgetho pele ga go tshwanela go tlatsa setatamente sa matlotlo le dikoloto mo tsebeng ya akarediwa go gogiwa ga tatlhegelo epe fela ya mo tshekatshekong ya boraro ya foromo ya lokgetho. lokgetho e e diragetseng fa go dirwa tiro epe fela ya papatso mo ngwageng eo ya tshekatsheko ya lokgetho mme madi a a setseng a tatlhegelo e e bonweng TSHEDIMOSETSO - MADI A A GOGIWANG MO LOKGETHONG LE fa go sekasekiwa lokgetho a go tlilweng ka one go tswa mo ngwageng e e DITLALELETSO TSA TUELO fetileng a lekana le kgotsa a feta selekanyo se kelo ya lokgetho lo lo duedisiwang e fitlhang go yone mo bathong ba tlholego. Mo ngwageng wa Patlisiso le tlhabololo - Karolo ya 11D tshekatsheko ya lokgetho wa 2007 selekanyo sa kelo ya lokgetho se tlile go Supa gore a o rometse ditokumente tse di batlegang kwa Lefapheng la dirisiwa mo mading a lotseno a a duedisiwang lokgetho a a fetang R400 000. Saense le Botegeniki (Department of Science and Technology) ka go tshwaya lebokoso le le tshwanetseng ka letshwao la "Y" kgotsa "N".
Ditumalano tsa dithuto tse di konetsweng. lokgetho mo sebakeng se se utlwalang sa nako.
Tlhabololo ya Setoropo - Karolo ya 13quat Taolo ya dingwaga tse tharo mo go tse tlhano o dira mo tirong epe fela ya Supa palogotlhe ya ditshenyegelo tse o nnileng le tsone mo meagong e e papatso e e sa akarediweng mo lenaaneng la ditiro tsa papatso tse di tlhabolotsweng go ka dirisiwa mo sebakeng sa 1 March 2006 go ya go tshwailweng tse di boletsweng fa godimo. Go tshwanetse ga akarediwa 28 Februa 2007. ngwaga ya ga jaana fa go tlhomamisiwa gore taolo ya dingwaga tse tharo mo go tse tlhano ke efe.
Ditifikeiti tse di fetang tharo tsa IRP5/IT3(a); le/kgotsa wa tshekatsheko ya lokgetho wa 2007 go ya ka Karolo 20A (a).
Fa o dirisitse dijanaga tse di fetang pedi tse o balang topo ya gago ka diragala fa tiro e e rileng ya papatso e nnile le tatlhegelo mo dingwageng tse tsone ya madi a ditshenyegelo kgatlhanong le tuelo ya tlaleletso ya tharo ka go latelana, go simolola ka ngwaga wa tshekatsheko ya lokgetho wa mosepele; le 2005.
Fa o amogetse madi a lotseno a kgwebo, papatso, tiro ya seporofešene nngwe ya dingwaga tse tharo tseno jaaka go boletswe fa godimo, tshireletso kgotsa rente go tswa metsweding e e fetang 2 mme o sa tseye madi ao kgatlhanong le tatlhegelo e e ka nnang teng e a diegisiwa. a lotseno jaaka a a tswang papatsong e le nngwe, o tshwanela go tlatsa "dipego tse dingwe" mo tsebeng ya boraro ya Tshireletso kgatlhanong le tatlhegelo e ka tilwa mo ditirong tsa papatso tse foromo ya lokgetho. di tshwailweng, mmogo le ditiro tsa papatso tse di boletsweng fa godimo, go ya ka karolwana ya Karolo ya 20A. Karolo eno e fa motho kgoro ya Gape o tshwanela go bona dišejule tse di tshwanetseng ka go dira dikhopi botso e moduedi wa lokgetho a ka e dirisang go supa gore tiro e e rileng ke tsa tsone go tswa setsheng sa inthanete sa SARS mo atereseng eno ya ya kgwebo e go nang le tsholofelo e e utlwalang ya go bona madi a lotseno www.sars.gov.za kgotsa go tswa ofiseng ya lefelo la lona ya SARS. O a a duedisiwang lokgetho mo go yone mo sebakeng se se utlwalang sa tshwanetse go romela dišejule tseo tse di tladitsweng le foromo ya gago nako. Tshedimosetso go ya pele malebang e dilo tse di tshwanelang go ya lokgetho gore go seka ga tsewa gore foromo ya lokgetho ga e a tladiwa tsewa ka tsela e e kgethegileng, e ka bonwa mo Bukaneng ya Kaelo e e yotlhe. Fa o tlatsa foromo ya gago ya lokgetho mo inthaneteng, o ka bona Nang le Tshedimosetso e e Tseneletseng e e ka bonwang mo setsheng sa dišejule tseno mo inthaneteng. inthanete sa SARS mo atereseng eno ya www.sars.gov.za kgotsa go tswa go National Call Center mo nommorong eno 0860 12 12 18. Bukana eno SETATAMENTE SA MATLOTLO LE DIKOLOTO ya Kaelo e e Nang le Tshedimosetso e e Tseneletseng e tlile go go bontsha Fa o le mokaedi wa khamphane kgotsa o le leloko la setlamo sa close go ya pele gore ke ditokumente dife tse di tshwanelang go bolokiwa corporation kgotsa o amogela madi a lotseno go tswa mo papatsong, mo sebaka sa dingwaga tse tlhano go direla gore fa SARS e di batla. tirong ya seporofešenale kgotsa ya polase o tshwanela go bega dilwana tsotlhe tse di amanang le matlotlo le dikoloto tsa gago tsa mo nageng eno le Tlhaloso: go supa palogotlhe ya matlotlo le dikoloto tsa gago tsa kwa dinageng di sele. O tshwanetse go tlhalosa tiro nngwe le nngwe ya papatso kwantle ga fa o tsaya ditiro tse di farologaneng tsa papatso jaaka tiro e le nngwe ya KGWEBO, PAPATSO LE TIRO YA SEPOROFEŠENE (go akaretsa le papatso. Fa o tsaya ditiro tsa papatso jaaka tiro e le nngwe ya papatso o rente) tshwanetse go dira tlhaloso e e amanang le tiro e le nngwe ya papatso. Fa o amogetse madi a lotseno go tswa mo tirong/letlotlong le le fetang nngwe mme o tsaya seo jaaka papatso e le nngwe o tshwanetse go tlatsa Letshwao le le kgethegileng kholomo e le nngwe fela ka tshedimosetso e e maleba. Fa e le gore o bone madi a lotseno go tswa mo tirong e e rileng ya papatso kgotsa go tswa mo tirong e le nngwe ya papatso e e begilweng mo Lefa go ntse jalo, fa o sa tseye madi ao a lotseno jaaka a a dirilweng go tswa foromong ya lokgetho e o e rometseng ya ngwaga wa tshekatsheko ya mo papatsong e le nngwe o tshwanela go supa tshedimosetso ya motswedi lokgetho wa 2005 le/kgotsa 2006, e tla bo e abetswe letshwao le le wa madi ka go tlatsa kholomo e e amanang le motswedi mongwe le kgethegileng la go supa tiro eo ya papatso. Letshwao leno le le mongwe wa madi. Lefa go ntse jalo, tsebe eno e go letla go bega madi a kgethegileng le ka bonwa go tswa mo kitsisong ya tshekatsheko ya lotseno a a tswang mo metsweding e le mebedi fela ya papatso/tiro ya lokgetho (IT34) e e dirilweng ke SARS malebang le ngwaga e e maleba ya seporofešenale/rente. Jalo fa o amogetse madi a lotseno go tswa tshekatsheko ya lokgetho kgotsa e ka bonwa ka go ikgolaganya le SARS metsweding e e fetang e mebedi mme o sa e tseye jaaka papatso e le Call Centre mo nommorong eno 0860 12 12 18. Letshwao leno le le nngwe o tshwanela go dira khopi ya šejule ya kgwebo ya papatso nngwe le kgethegileng le tshwanetse go kwalwa mo karolong eno. Fa o kwala nngwe go tswa mo setsheng sa inthanete sa SARS mo atereseng eno ya nommoro ya letshwao le le kgethegileng o tshwanetse go tlogela www.sars.gov.za. Tshedimosetso e e amanang le papatso ya boraro le tse dinommoro tsa ntlha tse pedi "00". Lefa go ntse jalo, fa e le gore o dingwe e tshwanela go tladiwa moo le go romelwa le foromo ya lokgetho. simolotse go dira tiro ya papatso kgotsa go renta letlotlo lengwe mo ngwageng wa tshekatsheko ya lokgetho wa 2007 seo se raya gore go tla GO SIRELEDIWA KGATLHANONG LE DITATLHEGELO TSE DI RILENG bo go ise go nne le nommoro ya letshwao le le kgethegileng mme karolo Go simolola ka ngwaga wa tshekatsheko ya lokgetho wa 2005 Karolo ya eno e tshwanetse go tlogelwa e le lophaka.
Kwala dilwana tsotlhe tse di amanang le tiro ya gago ya papatso ka go dirisa tshedimosetso go tswa mo disetatamenteng tsa gago tsa ditšhelete. Fa selwana se se rileng se sa tlhage mo foromong, madi a dilwana tse di ntseng jalo a tshwanetse go tlhakanngwa le go kwalwa go bapa le "tse dingwe (other)".
Bala diphetogo tse di tshwanelang go dirisiwa mo lokgethong mme o bo o kwala dilwana tse di maleba mo tirong nngwe le nngwe ya papatso. Fa selwana se se rileng se sa tlhage mo foromong, madi a dilwana tse di ntseng jalo a tshwanetse go tlhakanngwa le go kwalwa go bapa le "tse dingwe (other)".
Bala madi a porofete kgotsa a tatlhegelo a a tshwanelang go balelwa mo mading a lotseno a a duedisiwang lokgetho. Fa e le gore kgwebo ya lona ke e e tlhakanetsweng (partnership) porofete kgotsa tatlhegelo ya kgwebo e e tlhakanetsweng e tshwanetse go kwalwa le go supa peresente e beng ba kgwebo ba nang le yone mo kgwebong. SARS e tlile go bala porofete / tatlhegelo e e tshwanelang go balelwa mo mading a lotseno a a duedisiwang lokgetho. Kwala khoutu e e maleba ya motswedi wa madi e e amanang le tiro e e rileng ya papatso. Go botlhokwa gore o kwale khoutu e e nepagetseng ya motswedi wa madi go netefatsa gore lokgetho lo lo tshwanelang go duelwa lo balwe ka tshwanelo. Khoutu ya motswedi wa madi e ka bonwa mo bukaneng ya dikhoutu tsa motswedi wa madi mo setsheng sa inthanete sa SARS mo atereseng eno ya www.sars.gov.
O tshwanetse go supa gore a o ikutlwa gore go seka ga tsewa tatlhegelo e e diragetseng tsia fa go balwa lokgetho lo lo tshwanelang go duelwa (go sirelediwa mo tatlhegelong). Tsweetswee buisa potso ka kelotlhoko mme o bo o tshwaya lebokoso la "Yes" kgotsa la "No" go supa gore a o batla gore tatlhegelo e se tsewe tsia kgotsa nnyaa. Fa go ka diragala gore o tshwaye letshwao la "Y", tatlhegelo, fa e diragala, ga e kitla e tsewa tsia fa go balwa madi a lotseno a a duedisiwang lokgetho. Fa go diragala gore o supe gore tatlhegelo e tsewe tsia o tlile go tshwanela go tshegetsa tshwetso eo ka mabaka ka go rulaganya le go boloka ditokumente tse go builweng ka tsone mo Bukaneng ya Kaelo e e Nang le Tshedimosetso e e Tseneletseng, go tshegetsa topo eo ka mabaka. Ditokumente tseno di tshwanetse go theiwa mo mabakeng a a setseng a boletswe.
A o mogwebisani mo kgwebong, mo papatsong kgotsa mo kwebisanong ya seporofešenale Fa o arabile ka go re ee, tsweetswee supa peresente e o nang le yone ya porofete kgotsa tatlhegelo, go ya ntlheng ya ntlha ya tesimale, e e amanang le kgwebo nngwe le nngwe, papatso kgotsa tiro ya seporofešenale?
Supa gore a o na le seabe kgwebisanong ya dipolase ka go dira letshwao la "Y" le "N" mo lebokosong le le tshwanetseng. Fa o arabile ka go re ee, o tshwanela go supa palo ya dikgwebisano tse o nang le seabe mo go tsone o bo o tlatsa foromo ya IT48V o e tlaletsa kgwebisano nngwe le nngwe le go e romela le foromo ya gago ya lokgetho. O ka bona foromo ya IT48V go tswa setsheng sa inthanete sa SARS mo atereseng eno ya www.sars.gov.za kgotsa go tswa ofiseng ya lefelo la lona ya SARS. Fa o tlatsa foromo ya gago ya lokgetho mo inthaneteng, o ka bona foromo eno ya IT48V mo inthaneteng.
O tshwanetse go kwala tlhaloso/leina la ditiro tsa polase le le amanang le ditiro tsa polase ya gago ya poraefete.
Fa e le gore o bone madi a lotseno go tswa mo ditirong tsa polase tse di begilweng mo foromong ya lokgetho e o e rometseng ya ngwaga wa tshekatsheko ya lokgetho wa 2005 le/kgotsa 2006, e tla bo e abetswe letshwao le le kgethegileng la go supa ditiro tseo. Letshwao leno le le kgethegileng le ka bonwa go tswa mo kitsisong ya tshekatsheko ya lokgetho (IT34) e e dirilweng ke SARS malebang le ngwaga e e maleba ya tshekatsheko ya lokgetho kgotsa e ka bonwa ka go ikgolaganya le SARS Call Centre mo nommorong eno 0860 12 12 18. Fa o kwala nommoro ya letshwao leno le le kgethegileng o tshwanetse go tlogela dinommoro tsa ntlha tse pedi "00". Nommoro eo ya letshwao le le kgethegileng le tshwanela go kwalwa mo karolong eno. Lefa go ntse jalo, fa e le gore o simolotse go dira ditiro tsa papatso mo ngwageng wa tshekatsheko ya lokgetho wa 2007 seo se raya gore go tla bo go ise go nne le nommoro ya letshwao le le kgethegileng mme karolo eno e tshwanetse go tlogelwa e le lophaka.
Dirisa disetatamente tsa gago tsa ditšhelete go tlatsa dikarolo tse di tshwanelang go tladiwa tsa foromo ya IT48. Mo foromo ya IT48 e buang ka madi a tshalelo a go tlilweng ka one (balances brought forward) gone madi ano a tshalelo a ka bonwa go tswa go IT48 e o e romeletsweng mmogo le kitsiso ya gago ya tshekatsheko ya lokgetho (IT34). Gape o ka nna wa founela SARS Call Centre mo nommorong eno ya 0860 12 12 18 gore ba go thuse ka tshedimosetso eno.
Fa o ikwadisa go nna eFiler mo setsheng seno sa inthanete www.sarsefiling.co.za o tlile go kgona go amogela, go tlatsa le go romela foromo ya gago ya lokgetho ka inthanete.
Dirisa enfelopo e o e romeletsweng ke SARS go romelela SARS foromo e o e tladitseng le go e saena ya lokgetho. Gakologelwa gore O SEKA wa romela le ditokumente tse di thusang ka tshedimosetso go tlatsa foromo.
Makala otlhe a SARS a na le mabokoso a go latlhela diforomo tsa lokgetho a o ka a dirisang go latlhela foromo ya gago ya lokgetho e o e tladitseng.
<fn>JT2008_vol 1_Tsw.txt</fn>
Mo kgatisong e ya Justice Today, e leng ya ntlha ya 2009, re leba kwa morago mo ngwagasomeng wa diphitlhelelo tse di dirilweng ke Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo.
Lefapha le ikaelela go tsholetsa le go sireletsa Molaotheo le melao le go rebola tsamaiso ya Bosiamisi e e. tlhelelegang, bonako e bile e se tlhwatlhwagodimo, go tlisa Aforika Borwa yo o bolokegileng e bile a sireletsegile. Maiteko a magolo a setse a dirilwe mo dingwageng tse lesome tse di fetileng go diragatsa maitlhomo a, mme se e le go tokafatsa matshelo a batho ba rona.
Go. tlheletswe go le gontsi mme go rulagantswe tse dingwe tse dintsi jaaka go tlamela ka mothamo o o lekaneng go dikgotlatshekelo le kagosezwa ya didiriswa tse, ka ntlha ya fa e le karolo ya tiragatso ya thebolo ya ditirelo tsa bosiamisi. Mo kgatisong e, re leba go fetolwa ga dikgotlatshekelo tsa makala e leng porojeke e e ikaelelang go tlisa ditirelo tsa bosiamisi gau. le ba ba nnang kwa metseselegaeng le ba kwa makei-saneng. Mo malobeng, baagi ba le bantsi ba ne ba tshwanetse go tsaya maeto a maleele go ya kwa ditoropong tse di gau. nabo go bona ditirelo tse di jaaka tuelo ya madi a phepo ya bana le dikgotlatshekelo tsa tirisodikgoka ya mo malapeng.
Porojeke e nngwe e e golaganeng le kagosešwa le tlhabololo ya dikgotlatshekelo ke porojeke ya teko ya tiriso ya dipuo tsa Seaforika. Go ralala naga, dikgetse di ntse di reediwa ka Sezulu, Sexhosa, Setswana le Afrikaans, mo mafelong a go buiwang dipuo tseo fela. Se ke phitlhelelo e kgolo le tsereg-anyo e e sa bolong go tlhokega mo setšhabeng se se ntseng se lebanwe ke kgwetlho ya maparego a puo mo dikgotlatshek-elo. Justice Today e ntse e setse morago porojeke e mme re go tlhalosetsa gore ke ka ntlha ya eng e tlhokega le gore e tla thusa jang mo go anamiseng phitlhelelo ya bosiamisi.
Phitlhelelo e nngwe e kgolo mo ngwagasomeng o o fetileng e nnile go samagana le ditlhoko tsa ditlhopha tse di bulegetseng kotsi le go tokafatsa tsamaiso ya phepo ya bana go fokotsa mokgweleo mo dikgotlatshekelo. Re tlhalosa tiro e e dirilweng mo ntlheng e ka Operation Isondlo, ga mmogo le matsapa a Batlhotlhomisi ba Phepo ya Bana. Kgatiso e e leba gape maiteko a mangwe a Lefapha mo ngwagasomeng o o fetileng le go le gontsi ka go sireletsa ba ba bulegetseng kotsi. A akaretsa tiro ya Mmueledi wa Malapa jaaka go tsenya tirisong Tumalano ya Hague ya International Parental Abductions, go tsaya bana tsia mo tsamaisong ya bosiamisi le ditshwanelo tsa bana.
Fa re leba mo isagong, seralwa sa Criminal Law (Forensic Procedure) Amendment Bill se tla dira gore mafapha a puso abelane phitlhelelo ya dimilione tsa dikgatiso tsa menwana le DNA, e leng se se tla thusang thata mo go rarabololeng bosenyi.
Rona ba Justice Today re solofela ngwagasome o mongwe gape wa diphitlhelelo tsa bosiamisi, o mo go ona re tla bong re ntse re le teng go abelana dikgang tse nao le go thusa go ruta setšhaba gore mat-sapa a a bosiamisi a ka. tlhelelwa jang le go tlisa pharologano mo matshelong a bona.
Re tlisa Bosiamisi gau.
Ka Lavinia Mahlangu le Motshidisi Baloyi itirelo tsa bosiamisi di tsaya kgato go ya gau. le magae a Maaforika Borwa a a bulegetseng kotsi ka go fetolwa ga dikgotlatshekelo tsa makala di le 24 go nna dikgotlatshekelo tsa ditirelo tsotlhe. Go ya ka Tona ya Bosiamisi le Tlhab-ololo ya Molaotheo, Enver Surty, se se tla tokafatsa phitlhelelo ya Bosiamisi go baagi ba le bantsi ba Aforika Borwa segolo basadi.
Phetolo e e tlile go dira gore dikgotlatshekelo tsa makala di le 24 e nne tsa ditirelo tsotlhe, tse di sekasekang merero ya selegae jaaka tlamelo ya bana le tlhalo, mo godimo ga merero ya bosenyi e e ntseng e sekasekwa koo. Fa a ne a bua le Kgotlatshekelokgolo ya Bloemfontein ngogola, Tona Surty o rile dikgotlatshekelo tse di fetotsweng di tlile go tswela basadi mosola gonne ba tla kgona go amogela dituelo tsa phepo ya bana gau. le kwa ba nnang teng.
Fa a dirisa batho ba Alexandra jaaka sekao, Tona o tlhalositse gore setšhaba se, se se nang le nngwetharong ya palogotlhe ya batho ba kgaolo e, se ne se tshwanetse go tsaya loeto lo loleele go ya Randburg go amogela ditirelo tsa kgotlatshekelo ya selegae. Ka go fetolwa go, kgotlatshekelo e e leng teng mo Alexandra e tla rebola ditirelo tseo go fedisa bothata jo.
Dipalangwa tsa botlhe di bokoa magareng ga metsesetoropo le magae le ditoropo tse dikgolo kwa dikgotlatshekelo tse di kgolo tse di. tlhelwang teng. Ka ntlha ya se batho ba le bantsi ba itshokela mathata a mantsi go. tlha kwa dikgotlatshekelo tse dikgolo tse go. tlhelela ditirelo tsa selegae. Sekao, batho ba ba nnang kwa Deben kwa Kapa Bokone, ba tshwanetse go tsamaya 111km go ya Postmasburg, fa ba kwa Bolotwa ba tshwanetse go tsamays sekgala sa 65km go ya kwa kgotlatshekelo ya lekala e e gau. kwa Lady Frere in the Eastern Cape. Ka maiteko a, dikgwetlho tse di a rarabololwa.
Karolo ya dipoelo tsa porojeke ke go rotloetsa phitlhelelego ya dikgotlatshekelo tsotlhe ka go atolosetsa ditirelo tsotlhe kwa dikgotlatshekelong tsa makala. Se ke ka maitlhomo a go tokafatsa thebolelo-ditirelo mo baaging bao. Ke pono ya Lefapha go tlhoma dikgotlatshekelo gau. le baagi ba ba senang ditšhono.
Ka fa tlase ga puso e e fetileng, bontsi jwa dikgotlatshekelo tsa didika, di ne di kobiseditswe go direla Basweu mme batho Bantsho mo metsesetoropong ba ne ba ikgatholositswe. Ba ne ba kgona fela go. tlhelela ditirelo kwa dikgotlatshekelo tsa makala le tsa dipaka, tse di neng di tlamela ka maemo a a kwa tlase a ditirelo go na le dikgotlatshekelo tse di neng di na le didiriswa tse di botoka kwa ditopong le ditoropokgolong.
Dikgotlatshekelo tsa Makala di ne di tlhometswe go samagana fela le dikgetse tsa bosenyi. Go tlholwa ga dikgotlatshekelo tsa makala mo metsesetoropong ya maloba ya Bantsho tse di neng di na fela le ditirelo tsa bosenyi go ne go tshitshinya gore bosenyi bo tletse thata mo mafelong a. Dikgotlatshekelo tsa nakwana le tsona di ne di tsewa jalo. Ntlha ya gore go ne go se dikgetse tsa selegae kgotsa ditirelo tse dingwe, jaaka phepo ya bana le tirisodikgoka mo malapeng, di ne di sa rebolwa mo dikgotlatshekelong tse di kganela phitlhelelo ya bosiamisi e leng se dikgotlatshekelo tse di bo tlhometsweng.
Dingwe tsa dikgotlatshekeo tsa kgale di ne di agiwa kgakala le batho gore di nne kwa mafelong a go tsena gau. le ditsela tse dikgolo ka ntlha ya bomagiseterata le basekisi ba e neng e le Basweu mme ba tswa kwa ntle ga metsesetoropo e dikgotlatshekelo di leng mo go yona.
Kwa Dikgotlatshekelo tsa Dipaka, ditirelo di rebolwa gangwe kgotsa gabedi ka beke kgotsa gangwe ka kgwedi. Ka ntlha ya fa dikgotlatshekelo tse di dira ka dikgetse tsa bosenyi fela go kaya gore baagi ba ba timiwa phitlhelelo ya bosiamisi malebana le dikgotlang tsa selegae le tsa mo malapeng.
Mo Dikgotlatshelong tsa Dipaka tse 230, tse 116 di tlhomilwe kwa diteišeneng tsa sepodisi le dikgolegelo. Pholisi e e ne e rotloediwa pele ga paka ya molaotheo ya 1994 mme e ne e direlwa mapodisi a mo malobeng a neng a dira gape jaaka basekisi. Molaotheo o sireletsa tshwanelo ya mongwe le mongwe ya go re kgotlhang efe fela e e ka rarabololwang ka tiriso ya molao, go swediwa mo theetso e e sa gobeleleng mo kgotlatshekelo. Go tshwarelwa ga kgotlatshekelo kwa seteišeneng sa sepodisi, kgotlegelo kgotsa polase ya poraefete go ka mpampetsa tshwanelo ya theetso e e sa gobeleleng.
Fa Molaotheo o ne o tsena tirisong ka Tlhakole 1997, e ne e le karolo ya thulaganyo ya nakwana gore dikgotlatshekelo tsotlhe tse di neng di le teng ka nako eo di tswelele go dira ka moo di neng di ntse di dira ka teng, go ikaegilwe ka tokafatso kgotsa go phimol-wa ga molao o o dirang. Le fa go le jalo, morago ga gore molaotheo o mošwa o dire, go ne ga tlhongwa gore dikgotlhatshekelo tse, go akaretsa le popego, diteng, tsamaiso le tiro ya tsona e fetolwe. Se e tla nna ka go tlhoma tsamaiso ya boatlhodi e e nyalanang le ditlhokego tsa Molaotheo.
Tsamaiso ya go nyalanya mothamo wa tiro ya dikgotlatshekelo ke karolo ya go sekaseka tiro ya dikgotlatshekelo jaaka e kaiwa ke Molaotheo.
Porojeke e ke kgato e kgolo mme e tla diragadiwa ka dikgato.
Mo dikgotlatsekelong tse 24 tsa Dikgotlatshekelo tsa Makala, Dikgotlatshekelo tsa Makala tse 15 di setse di. tlhelela ditlhokego tsa go bidiwa dikgotlatshekelo tse dikgolo.
Kgato 2 Go ya ka kgato ya bobedi, Dikgotlatshekelo tsa Makala tse thataro tse di fa tlase di tla neelwa ditirelo tsotlhe go tloga kwa dikgotlatshekelong tse dikgolo go ya ka Dikaedi/Ditsamaiso tse di dumetsweng.
Dikgotlatshekelo tsa Makala tse tharo tse di setseng mo Gauteng di tlhoka go toka-fadiwa ga mafaratlhatlha e leng Orlando, Protea le Tsakane, pele di ka fetolelwa go nna dikgotlatshekelo tse dikgolo.
Le fa go le jalo, maiteko a go. tlhelela Bosiamisi a na le dikgwetlho. "Se se na le seabe se segolo mo boatlhoding," ga rialo Tona Surty kwa kopanong le boatlhodi jwa Foreisetata.
Se se botlhokwa go gaisa ke gore re tsamaisa jang tiro e. Bomagiseterata ba bantsi ga ba na maitemogelo a go reetsa dikgetse tsa selegae. Re tla tshwanelwa ke go ikaega ka katiso e e tlamelwang ke Justice College, re supe dikgaolo tse di siametseng go ka rebola se mme re tlise babueledi ba ba nang le maitemogelo a dikgetse tsa selegae, go dira jaaka bom-agiseterata, a rialo Tona Surty.
Go kgontsha phetolo ya Dikgotlatshekelo tsa Makala tse 15 go nna dikgotlatshekelo tse dikgolo, go botlhokwa gore bomag-iseterata ba ba maleba ba fetisediwe go tswa kwa dikgotlatshekelo tse dikgolo go ya kwa Dikgotlatshekelo tsa Makala tse di supilweng, go ya ka kopo ya Tona.
Khomišene ya Bomagiseterata e rometse pegelo e mo go yona e atlenegisang bom-agiseterata ba ba tshwanetse go romelwa go tswa dikgotlatshekelo tse dikgolo go ya go Dikgotlatshekelo tsa Makala go tlamela ka bokgoni jo bo tlhokegang.
Mo nakong ya khudugo ya ditirelo tse, go tla elwa tlhoko dipaterone tsa mothamo wa tiro ya Dikgotlatshekelo tsa Makala ka maitlhomo a go netefatsa bogolo jwa mothamo o o tlhokegang pele di ka fe-tolelwa go nna dikgotlatshekelo tsa ditirelo tsotlhe.
Go botlhokwa gore mafelo a dikgotlat-shekelo tsa bomagiseterata a nyalanngwe le melelwane ya bommasepala. Se se tla rotloetsa tsela e e momaganeng ya go tlamela ditirelo tsa bosiamisi. Momag-anyo ya ditirelo tsa Mafapha a a farolo-ganeng kwa maemong a bommasepala e ikaeletse go rotloetsa tlamelo ka ditirelo tsa puso e e momaganeng e bile e dira sentle.
Kamano magareng ga melelwane ya bommasepala le melelwane ya bomagiseterata e botlhokwa mo go tlhomeng mafelo a tiro a bomagiseterata a Dikgotlatshekelo tse Dinnye. Pele ga 1994 melelwane ya bomagiseterata e ne ya latela go tlhongwa ga melelwane ya bomagiseterata.
Ka nako eo, go ne go na le bommasepala ba le 814 mme melelwane ya bontsi jwa bommasepala e ne e nyalana le melelwane ya bomagiseterata. Kwa tshimologong, mbomasepala ba ne ba dirwa bommasepala ba bašwa ba le 237 ke Boto ya go Kgaoganya Bommasepala (Municipal Demarcation Board).
Ka 2005 Constitution Twelfth Amendment Act (Molao wa Tokafatso ya Bosomepedi ya Molaotheo) o ne wa fetisiwa go fedisa bommasepala ba ba kgabaganyang melelwane mo mabakeng o o. tlheleng molelwane wa mmasepala o o rileng a kgabaganyetsa ka kwa ga molelwane wa porofense e nngwe.
Morago ga moo, bommasepala ba ne sekasekwa gape go tlhoma bommasepala ba le 187 ba ga jaana.
Mekgwa e e dirisitsweng ke Boto ya go Kgaoganya Bommasepala e maleba mo go sekasekeng mafelo a tiro a bomag-iseterata a Dikgotlatshekelo tse Dinnye, ka ntlha ya fa Dikgotlatshekelo tse Din-nye di dira mo teng ga bommasepala. Mekgwa e e akaretsa bogolo jwa baagi, dipalangwa tsa botlhe, go nna teng ga ditlabelo tse dingwe tsa botlhe (dikolo, dipetlele), maanotlhabololo le kgolo e e ka solofelwang. Momagano ya ditirelo tse di tlamelwang ke Mafapha a mangwe a puso, ka ditlhopha tse di farologang ke ntlha e nngwe e e botlhokwa.
Go thankgololwa ga Kgotlatshekelo ya Dipuo tsa Seaforika ya Zwekitsha.
Ka Justice Ditshego a 2008 Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo le ne la simolola porojeke ya teko ya go rotloetsa tiriso ya dipuo tsa Seaforika mo dikgotlatshekelo. Porojeke e e tla netefatsa gore go bosiamisi bo. tlhelela Maaforika Borwa otlhe ka go lekana, segolo batlhoki le le ba bulegetseng kotsi.
Lefapha le ikaelela go dira gore bosiamisi bo. tlhelelwe ke Maaforika Borwa otlhe go tsamai-sana le Molaotheo o o tlhalosang dipuo tse 11 e le tsa semmuso. Mo malobeng, ditsamaiso tsa kgotlatshekelo di ne di reediwa fela ka Seesi-mane le Afrikaans. Tiriso ya dipuo tsa Seaforika ga e kitla e rotloetsa fela pharologano ya diteme mme e tla rotloetsa gape le phitlhelelo ya ditirelo tsa bosiamisi le go dira gore baagi ba repe mo dikgotlatshekelo.
Porojeke e ya teko e solofelwa go tswelela dikgwedi di ka nna thataro. Diporofense tse dintsi di setse di supile dikgotlatshekelo le diphaposi tsa kgotlatshekelo gammogo le dipuo tsa Seaforika tse di tla dirisiwang.
Go tsenngwa tirisong go ralala naga Didika le bannaleseabe ba ne ba tshwanelwa ke go supa gore ke puo efe e e tla tshwanelwang diporofense dife. Go. tlhelela se, go ne go ikaegilwe ka ditshwaelo tse di amogetsweng mo dikopanong tsa ditherisano. Mo diporofenseng tse dingwe dipuo tse pedi go ya go tse tharo di lekwa ka nako e le nngwe. Tsona di akaretsa Kapa Bophirima (Sexhosa le Afrikaans), Kapa Bokone (Setswana le isiXhosa), Gauteng (Setswana le Sepedi) le Limpopo (Xitsonga, Tshivenda le Sepedi). Se e ne e le go netefatsa gore bangong-oregi botlhe ga ba nne le bothata jwa puo e ba tla e dirisang kwa kgotlatshekelo. Mokgwa o o tla thusa mo porofense e nang le baagi ba bantsi ba ba buang dipuo tse di farologaneng tsa Seaforika.
Kwa Kapa Botlhaba, dikgetse di ntse di reediwa ka Sexhosa, go latela go thankgololwa ga tirelo e ntšhwa e kwa Kgotlatshekelo ya Magiseterata ya Zwelitsha ka 20 Tlhakole 2009. Dibuseng Mongoa ditshwantsho Ndifelani Magadani to, Mokaedi wa Kantoro ya Sedika wa Ditirelo tsa Semolao o rile dipuo tsa Seaforika e tla netefatsa botlhe ba. tlhelela bosiamisi.
Ka 24 Tlhakole 2009, porofense ya Bokone Bophirima e ne ya itemogela go tsamisiwa ga kgotlatshekelo ka Setswana ka ntlha. Tsietsi Malema Tlhogo ya Sedika wa DoJ&CD mo porofenseng o rile se ke kgato ya ntlha ya go anamisetsa maiteko a kwa dikgotlatshekelong tse dingwe mo porofenseng.
Kapa Bophirima e thankgolotse tiriso ya puo ya Seaforika kwa Kgotlatshekelo ya Magiseterata ya Khayelitsha ka 2 Mopitlwe 2009. Ditsamaiso tsa kgotlatshekelo di ne di tshwerwe ka Sexhosa. Go tlhomilwe dikgotlatshekelo tse pedi kwa Mitchells Plain kwa Afrikaans e dirisiwang jaaka puo ya Seaforika. Dithankgololo tse dingwe di tla diragala go ralala diporofense tse di setseng.
Porojeke e solofela go bona dipuo tsa selegae jaaka dipuo tsa direkoto mo dikgotlatshek-elong tsa rona. Se se tla diragala fa baatlhodi, batšhotšhisi, dipaki le molatofadiwa a bua puo e e tshwanang. Se tla thusa mo go fokotseng phaelelo ya dikgetse le go tlhoma mowa wa go tlhaloganyana, itshokelano le puisano mo dikgot-latshekelo tsa rona.
Ka J.B. Skosana arolo 33 ya Molaotheo o netefaletsa botlhe tshwanelo ya tiro ya tsamaiso e e leng mo molaong, e amogelega e bile e sa gobelele. Molao wa Tsweletso ya Tsamaiso ya Bosiamisi (Promotion of Administrative Justice Act), 2000 o netefatsa tshwanelo eo. Karolo 7 ya Molao o tlhalosa gore Boto ya Melao ya Dikgotlatshekelo tsa Molao di dire melawa-na ya tsamaiso ya tshekatsheko ya boatlhodi go ikaegilwe ka tumelelo ya Palamente mme karolo 6 ya Molao wa Boto ya Melao ya Dikgotlatshekelo tsa Molao (Rules Board for Courts of Law Act), 1985 (Molao 107 wa 1985), e tlhalosa gore Boto ya Melao e dire melao ya kgotlatshekelo go ikaegilwe ka tumelelo ya Tona.
Morago ga paka e e tseneletseng ya ditherisano, go refo-sana dikakanyo le dipharologano tsa megopolo e e simo-lotseng ka 2003, melao e ne ya ralwa mme ya amogelwa ke Palamente ka 20 Tlhanole 2009. Se se tlhageletse ka go tsereganyo e e maleba ya Tona ya Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo, Enver Surty. Tona o ne a tlhoma setlhopha sa tiro se se neng se eteletswe pele ke mogakolo-di wa gagwe yo o kgethegileng, Rre Halton Cheadle, mme se na le maloko a a tlhophilweng a Boto ya Melao le Lefapha. Komiti ya Tiro ya Bosiamisi e rebotse leloko le lengwe la yona go dira le setlhopha se. Tona o ba neetse dikgwedi tse nne (Ngwanatsele 2008 - Tlhakole 2009) go konosetsa tiro e. Matsapa a setlhopha se a nnile le maungo le go tlhagisa botlhokwa jwa mowa wa tirisanommogo mo tsamaisong ya go dirwa ga melao magareng ga boatlhodi, khuduthamaga le Palamente.
Go tsenngwa tirisong ga Molaotlhomo o go tla dira gore mafapha a abelane tshedimosetso ya forensiki, jaaka dikgatiso tsa menwana, DNA, ditshwantsho le makwaloitshupo go lwantsha bosenyi.
weng go bona bopaki jwa mofuta oo fa motho a sa bonwa molato kgotsa fa go se tshekiso e e dirilweng kgatlhanong le motho yo bopaki bo tserweng mo go ena.
Tona ya Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo, Enver Surty, o rile se se kaya gore dikgatiso tsa menwana tse di tserweng kwa lefelong la bosenyi di ka sekasekiwa kgatlhanong le tsa palo e e lekanyeditsweng ya disenyi tse di atlhotsweng mo lenaneng la sepodisi.
Lenane la DNA le mothamo o o okeditsweng wa dikgati-so tsa menwana ke didiriswa tsa matlhale tse di botl-hokwa, segolo mo bosenying jo temogo ya jona e leng kwa tlase, jaaka bosenyi jwa dithoto, mme e ka baka go golaganngwa ga mmelaelwa le lefelo la bosenyi.
Go golaganngwa ga lefelo go ya go lefelo ka go ka thusa go lemoga dipaterone tsa mekgwa ya bosenyi e e ka thusang go rarabolola bosenyi jo bo fetileng, jwa ga jaana le jo bo tlang. Ka mafoko a mangwe, lenane le le atolositsweng la dikgatiso tsa menwana le la DNA ga le kitla le oketsa fela tšhono ya go ya go supa disenyi tse di sa itsiweng, mme tla oketsa gape le kgonego ya go golagalanya disenyi le mafelo a a farologaneng a bosenyi.
Molaotlhomo o tla thusa go fokotsa tshalelomorago ka ntlha ya gore dikotlhao tse di fokoditsweng ka ntlha ya go ipona molato di tla oketsega fa babelaelwa ba supediwa bopaki, jaaka dikgatiso tsa menwana le bopaki jwa DNA jo bo ba golaganyang le lefelo la tiraqalo ya bosenyi.
Go tshwanetse ga gopolwa ka gale gore bopaki jwa dikgatiso tsa menwana mme segolo jwa DNA ga bo dirisiwe fela go netefatsa gore motho o molato, mme bo dirisiwa gape le go netefatsa gore motho ga a molato.
Mo godimo ga moo, Kabinete e amogetse go itlhaganedisiwa ga go tsenngwa tirisong ga Tsamaiso ya Beili (Bail Protocol) mo Dikgatong tse di tshwanetseng go latelwa fa go diragadiwa karolo 63A ya Molao wa Tsamaiso ya Bosenyi 51 wa 1977. "Tsamaiso e e letla, ka kopo ya Tlhogo ya Kgolegelo le fa e sa ganediwe le Mokaedi wa Botšhotšhisi jwa Bosetšhaba, taelo ya kgololo ya balatofadiwa ba ba rileng ka kgalemo boemong jwa beili kgotsa ka taelo ya tokafatso ya dipeelo tsa beili," Maseko a tlhalosa.
Kabinete e amogetse gape le tshitshinyo ya go tse-nya tirisong lenane le le momaganeng la bosetšhaba la bosiamisi jwa bosenyi. Mafapha otlhe le ditheo mo tsamaisong ya bosiamisi jwa bosenyi a tla tsenya tirisong lenane le ka bonako. "Tiro e e tla etelelwa pele ke Kan-toro ya Tlhabololo ya Tsamaiso ya Bosiamisi jwa Bosenyi (Of.ce for Criminal Justice System Reform) (OCJSR) e e nayang dipegelo go Motlatsa Tona wa Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo," ga rialo Sebueledi sa Puso.
Bopaki jwa dikgatiso tsa menwana le DNA ga bo dirisiwe fela go supa molato, mme gape le go supa gore motho ga a molato.
Bana ba botlhokwa mo go fetoleng tsamiso ya bosiamisi arolo e e botlhokwa ya maiteko a puso a go fetola tsamaiso ya bosiamisi go tswa go e e nayang kotlhao go ya go e e kgopo-lolang ke ntlhakgolo malebana le bana. Ka Moranang 2010, naga e tla bo e na le Molao wa Bosiamisi jwa Ngwana (Child Justice Act) wa ntlha, e leng molao o o lekang go tshegetsa ditshwanelo tsa batswasetlhabelo go etswe tlhoko gore bana ba ba tlolang molao ke bagolo ba ka moso mme ba tshwanetse go kgopololwa - e seng ba dirwe diganana le go feta.
Fela Molaotlhomo o o sa tswang go fetisiwa kwa Palamenteng o, ga o tlhotlhelediwe ke go neelana ka dilo mme o tlhotlhelediwa ke Molaotheo wa rona le ditumalano tsa boditšhaba le melao e e amang bana e Aforika Borwa e e ikobelang kgotsa e leng molekane mo go yona. Nngwe ya dikgwetlho ke gore melao ya bosenyi ya ga jaana ga e letle tsamaiso go tlamela ka mekgwa e mengwe ntle le go isa kgolegelong. Ga go tsela e e mo magareng - bana ba latlhelwa kwa kgolegelong kgotsa ba bona dikotlhao tse di sekegilweng. Ba tliswa kgotlatshekelo jaaka bagolo, mme ba bulegela merero e e maswe ya tsamaiso ya ga jaana - go akaretsa babelaelwa le bagolegwa.
Ntlha ya botlhokwa ya Molaotlhomo ke go faposa merero mo tsa-maisong ya semmuso ya bosiamisi mo dikgetseng tse di maleba. Mangwe a maitlhomomagolo a go phaposo e ke go rotloetsa go busediwa ga ngwana mo setšhabeng le go fokotsa tšhono ya go tlola molao gape. Molaotlhomo o ikaelela gape go tshegetsa dikgatlhege-lo tsa ngwana le tsa setšhava, go etswe tlhoko gape le ditshwanelo tsa motswasetlhabelo.
Mme fa e le gore bana ba tshwanetse go tlhatlhelwa, ba tshwanetse go tlhatlhelwa mo mafelong a a tshwanetseng dingwaga tsa bona - e seng le disenyi tsa bagolo. Bothata ke gore ditlhopho tsa mofuta ga di dintsi, le batho le didiriswa tsa go di tsamaisa ga di a lekana, e leng lebaka le le dirang gore Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo (DOJ&CD) le thankgolotseng porojeke ya teko mo ditoropong tse tlhano; Randburg mo Gauteng; Odi kwa North-West; Bellville kwa Kapa Bophirima; East London kwa Kapa Botlhaba; le, Kimberley kwa Kapa Bokone.
Phapogo e golagane thata le bosiamisi jwa pusetso. Batlolamola ba rwala maikarabelo a bosenyi jwa bona mme ba tokafatse. Ka go dira jalo, ba simolola tsamaiso ya phodiso go batswasetlhabelo ba bona, bona, ba malapa a bona le setšhaba ka kakaretso.
Dithulaganyo tsa phapogo di tlhabololo dinonofo tsa botshelo mo bašweng ba ba tlolang molao boemong jwa go tlhatlhelwa mo kgolegelong. Go ya ka porojeke ya teko, babelaelwa ba bašwa ba ba tlolang molao, ba tla latofadiwa mme ba tlhagelele kwa kgotlat-shekelo. Morago ba tla batlisisiwa ke motlhankedi wa tekeo yo o tla golaganang le NICRO go bona gore a ba tshwanelwa ke thulaganyo e e sa iseng kgolegelong.
Batlolamolao ba ka se isiwe thulaganyong ya phapogo ntle le fa ba dumela bosenyi joo ka bobona. Motlolamolao o tla sekasekwa ke motlhankedi wa teko, yo o tla romelang pegelo kwa kgotlatshekelo. Morago NICRO e tla tswelela go ela tlhoko le go sekaseka tsamaiso, e ntse e golagana le motlhankedi wa teko. Thulaganyo e ya teko e lebetswe go khutla mo ngwageng o o tlang. Morago e tla phasaladiwa le didika tsotlhe tsa bomagiseterata go ralala naga.
Dipoelo e tshwanetse go nna tsamaiso e e sa gobeleleng ka gope le kwelotlase ya palo ya bagolegwa ba bana, go nna mo dikgolegelong ka ntlha ya ditlolomolao tse dinnye go go ka bong go rarabolotswe botoka ka ditsela tse dingwe tse di farologaneng. Sa botlhokwa, tshekeletsa ya bosenyi e tla bo e robilwe mme batlolamolao ba ban-nye ga ba kitla ba gola go nna disenyi tsa tsa bagolo diganana e leng se se tla diragalang fa ba iphitlhela ba le mo dikgolegelong.
Motsamaisi-Mogolo wa Semolao Tshuba Makua, wa Kantoro ya Kgaolo ya Free State a ruta bana ka Molaotheo le ditshwanelo tsa bona. - ditshwantsho ka Neliswa Demana.
Fa a ne a eme moletlo wa dijo tsa maitsiboa ka lefoko morago ga tiro e e masisi, Motlatsa-Tona Moadfokata J De Lange o rile ka 2007, tiragalo e e dirile R495 000, e R224 000 ya yona e neng ya abelwa ditheo tsa katlaatlelo morago ga dikgôgô tsa go tshola tiragalo e di sena go dirwa. Mo go R224 000 eo, R23 000 e ne ya ya kwa moletlong wa Keresemose wa Moatl-hodi-Mogolo o ka boona o ngokileng matlole a mafelo a tshireletso jaaka Mthatha Anti-Child Abuse Resource Centre.
Monongwaga re dirile botoka. Tiragalo e e dirile R680 000 pele ga dikgôgô, ga rialo Motlatsa-Tona, a bolelela bareetsi ba ba neng ba akar-etsa Tona Enver Surty, yo o butseng tiragalo e.
Motlatsa-Tona De Lange o ne a tlhagisa boipelo ka sekgala se Aforika Borwa a se tsamaileng, malebana le mamagano ya loago. "Fa re leba phaposi e tshwana le e, morago ga letsatsi le re nnileng nalo gompieno, ke rata ka moo re nang le naga e ntle ka teng. Se se bontsha gore re kgona go. tlhelela momagano ya mebala," ga rialo Motlatsa-Tona, fa ba mo opela lego.. "Ka 1994, re ne re le mo losing lwa ntwa ya bana ba thari. Jaanong re kgona go tshameka kolofo mmogo. Se se kgonega fela gonne jaaka setšhaba re ikemiseditse gore ga re kitla re tswa mo tseleng ya rona," ga rialo Motlatsa-Tona De Lange.
Mo mabakeng a, re tshwanetse go gakologelwa se re se borogang. Ka gale ke swabiswa ke tirisodikgoka, petelelo, tshotlako le dilo tse di maswe tse di dirwang mo basading le baneng ba naga ya rona," a rialo kwa tirag-along e e tsereng matsatsi a le mararo morago ga Matsatsi a le 16 Boipela-etso Kgatlhanong le Tirisodikgoka go Basadi le Bana. "Go botlhokwa gore rona ba re nang le maemo a a rileng, re tshegetse mekgatlo e e seng ya puso go ema kgatlhanong le tshotlako ya basadi le bana."
Fa a gatelela maikutlo a boatlhodi le baemedi ba boramolao mo lekaleng la poraefete, Motlatsa-Tona De Lange o ne a romela ditebogo ka tiro e e manontlhotlho e e dirilweng ke Tona Enver Surty mo nakong ya dikgwedi di le mmalwa fela.
Go Tona ya me, nna le ena re ntse re le ditsala dingwaga di le 15 go. tlha ga jaana. Ga re badirammogo fela. Ke motho yo o siameng tota. Re lesego thata gore a bo a thapilwe. O tlisa botho mo maemong a le ka mokgwa o a dirang tiro ya gagwe ka ona e leng wa go akaretsa, Motlatsa-Tona De Lange a tlhalosa.
Re rata go go leboga thata, ka seabe se segolo se o nnileng naso mo lelapeng la bosiamisi, a rialo, mme a thelwa ka lešalaba gape go tswa go batlhankedi ba bosiamisi, dikapotene tsa intaseteri le maloko a boatlhodi a a neng a le teng.
Motlatsa-Tona o ne gape a leboga baatlhodi le bomagiseterata ba ba neng ba tlile letsatsing la kolofo. "Go baatl-hodi ba ba leng fa, ke rata go tlhalosa ka moo re lebogelang go tla ga lona. Re a itse gore ga go bonolo go tswa kwa dikgotlatshekelo, go bona mongwe yo o ka go tshwarelelang le go dira dithulag-anyo tse dingwe. Go botlhokwa gore lo be lo le fa, gonne se se naya batho ba ba leng fa tšhono ya go kopana le baatl-hodi ka mokgwa o. Se se botlhokwa thata mo momaganong ya loago."
Meputso e e jaaka dikgetse tsa kolofo, melamu ya kolofo le ditene tsa dikgwele di ne tsa newa bafenyi ba letsatsi mme le diti.keiti tsa ditebogo di ne tsa neel-wa baborogi botlhe. Go nna le seabe mo Golf Challenge go lekanyediwa ka gore ke mafelo a makae a baborogi ba kgonang go a tsaya, Molaodi wa Badiri ba ga Motlatsa-Tona Rre Blendynn Williams o tlhalositse jalo morago ga ditiragalo tsa semmuso.
Rre Williams o tlhalositse gore le fa go ka nna gontle go laletsa batlhankedi botlhe ba ba nang le kgatlhego ba Lefapha go nna le seabe, manno a a leng teng a lekanyeditswe go ya ka ditsela tse di tshwanetseng go ikobela ka go laletsa pele maloko a maemo a a kwa godimo a boatlhodi. Molaodi wa Badiri ba ga Motlatsa-Tona o tsweletse ka go tlhagisa ditebogo tsa gagwe go batlhankedi ba Lefapha ba ba dirileng go tlala seatla go netefatsa gore Golf Challenge e a atlega.
Molao wa Tekatekano o tsamaisa phetogo go ya go setšhaba sa temokerasi, se se golaganeng ka dipharologano tsa sona, se se nang le dikamano tsa botho tse di tlhokomelang le go nna bothito, se kaelwa ke melawana ya tekatekano, go se gobelelele, tekano, tswelopele ya loago, bosiamisi, seriti sa botho le kgololosego. E rwesa tiro mo pusong le batho botlhe (go akaretsa ditheo) go tsweletsa tekatekano.
Go tlamela ka tshiamiso go batswasetlhabelo ba kgethololo e e gobelelang, puo ya letlhoo le tsholo e e makgwakgwa.
Kgethololo e e gobelelang ke fa o tsholwa ka tsela e e farologaneng le ya ditlhopha tse dingwe tsa batho le fa seriti sa gago jaaka motho se digwa ke tsholo e e ntseng jalo. Kgethololo e tsewa e le e e gobelelang fa e tlisa morwalo kgotsa e tima motho ofe fela dipoelo kgotsa ditšhono ka ntlha ya sengwe kgotsa dingwe tsa tse di latelang: tebanyo ya bong, bogolo, bogole, tumelo, letswalo, ditumelo, setso, puo le botsalo, kgotsa ka ntlha ya sengwe fela se kgethololo e e ikaegileng mo go sona e ka amang go itumelela ka go lekana ditshwanelo le kgololosego ya motho ka tsela e e masisi e e ka tsewang jaaka go kgethololwa mo mabakeng a a sa dumelelwang.
rotloetseng phitlhelelo ya tekatekano e e bonalang (tekatekano ya dipoelo) le sireletsa le go tsweletsa batho ba ba tlhokisitsweng ditšhono ke kgethololo e e gobelelang.
Puo ya letlhoo ke go phasalatsa le go gasanya kgotsa bua mafoko a a ikaegileng mo go lengwe la mabaka a a sa dumelesegeng. Mafoko a a tshwanetse go tlhaloganngwa ka tsela e e tlisang go utlwisa botlhoko, kgobalo kgotsa go rotloetsa kutlobotlhoko kgotsa go baka letlhoo.
Tshwaro e e makgwakgwa ke maitsholo a a sa batlegeng a a tswele-lang kgotsa a le masisi mme a nyatsa kgotsa go tlhola tikologo e e matshosetsi, kgotsa a ikaeletse go baka go ikoba ka ditlamorago kgotsa matshosetsi a ditlamorago tse di seng monate tse di amanang, gareng ga tse dingwe le, thobalano, bong, kgotsa tebanyo le bong. Sekao, e ka nna tshwaro e e makgwakgwa fa motho a go tshosetsa gonne a sa dumalane le tebanyo le bong ya gago, sk. fa o le monna kgotsa mosadi yo o ratanang le banna kgotsa basadi.
Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano ke eng mme di. tlhelwa kae?
Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano ke dikgotlatshekelo tse di supilweng go ya ka Molao wa Tekatekano go reetsa dikgetse tse di amanang le kgethololo e e gobelelang, puo ya letlhoo le tshwaro e e makgwakgwa. Ke ditheo tse di. tlhelelegang, tse di se nang tshisibalo e bile di letla go nna le seabe. Dikgotlatshekelo tse di kobiseditswe go fedisa tlwaelo ya go tlhoka tekatekano le go tsweletsa bokgoni jwa rona jwa go isa bosia-misi kwa bontsing jwa batho ba rona. Go nna teng ga Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano go supa thato ya batho botlhe go tswelela pele le fa go na le dikgoretsi tse dikgolo.
Go ya ka Molao wa Tekatekano Dikgotlatshekelokgolo tsotlhe ke Dik-gotlatshekelo tsa Tekatekano mo mafelong a tsona a tiro. Malebana le dikgotlatshekelo tsa magiseterata, Tona ya Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo o solofelwa go supa Dikgotlatshekelo tsa tekatekano morago ga ditherisano le tlhogo ya didika tsa tsamaiso (Bomagiseterata-Bagolo). Thulaganyo ya go supa Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano e diragetse ka dikgato di le pedi tse di baking go nna teng ga Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano go ralala naga. Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo le dira ka natal go konosetsa kgato ya boraro e le ya bofelo ya go supa didika tsa bomagiseterata tse di setseng go nna Dikgotlat-shekelo tsa Tekatekano.
Dikgetse kwa Kgotlatshekelo ya Tekatekano di ka tlhatlhelwa ke: . Motho ofe fela yo dirang jalo mo dikgatlhegelong tsa gagwe; . Mongwe fela yo o dirang jalo boemong jwa motho yo o ka se kgone go ikemela ka boena; . Motho fela yo o dirang jaaka leloko la, kgotsa mo boemong jwa dikgatlhegelo tsa setlhopha kgotsa mokgatlo wa batho; . Motho ofe fela yo o dirang jalo mo dikgatlhegelong tsa botlhe;.
mong jwa maloko a sona; kgotsar . Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa kgotsa Khomišene ya Tekatekano ya Bong.
Romela kgetse kwa kopanong e e maleba go samagana le ntlha eo, sk. Mokaedi wa Botšhotšhisi jwa Bosetšhaba.
Nngwe ya dikgwetlho tse di amang Molao wa Tekatekano ka tsela e e seng yona e nnile go tlhokega ga tsiboso ka ga molao o go baagi ba Aforika Borwa. Go kgona go samagana le kgwetlho e Lefapha la Bosia-misi le Tlhabololo ya Molaotheo ga jaana le ruta setšhaba ka ka Molao wa Tekatekano le Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano le tsibosa baagi ka botlhokwa jwa go rotloetsa tekatekano le go fenya kgethololo e e go-belelang, puo ya letlhoo le tsholo e e makgwakgwa. Se se tla netefatsa gore maitlhomo a setšhaba sa temokerasi se se ikaegileng ka moono wa seriti sa botho, tekatekano le kgololosego a diragala.
Ka jalo, maloko a setšhaba a rotloediwa go dirisa Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano fa ba belaela gore ba kgetholotswe, kgotsa go dirisitswe puo ya letlhoo kgatlhanong nabo kgotsa ba tshotswe makgwakgwa jaaka go tlhalositswe fa godimo. Fa o belaela gore o na le kgetse e e ka reediwang ke dikgotlatshekelo tse, etela kgotlatshekelo ya magiseterata e e gau. nao mme o kope Kgotlatshekelo ya Tekatekano le tlelereke ya tekatekano. Tlelereke ya tekatekano e tla go thusa go tlhatlhela ngong-orego ya gago.
The Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano e setse e rarabolotse dikge-tse tse 77 tsa tekatekano tse di begilweng mo diporofenseng tse di farologaneng magareng ga Moranang le Sedimonthole 2008. "Re tsere matsapa go netefatsa gore re konosetsa dikgetse tse di setseng ka bonako jo bo kgonegang," ga rialo Samuel Rasiuba, Motlatsa-Mokaedi wa Tsamaiso ya Semolao.
ditirelo tsa Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano. Le tlhomile dimphato le Ntlo ya Bosetšhaba ya Baeteledipele ba Setso, Ditikwatikwe ya Dikga-kololo le Badiri ba Tlhabololo ya Setšhaba mo mererong ya tekatekano.
Re rulaganyo go tshwara dithutano le diseminara tse di tswelelang le Ditheo tsa Puso ya Bosetšhaba, Baeteledipele ba Setso, Badiri ba Tlhabololo ya Setšhaba le Ditikwatikwe ya Dikgakololo ka maitlhomo a go phasalatsa tiro ya Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano, ga rialo Mr Rasiuba.
Diseminara tse di tla tshwarelwa le maloko a Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS). "Di tla thusa SAPS go itse mofuta wa dikgetse tse di tshwanetseng go romelwa kwa Dikgot-latshekelo tsa Tekatekano. Re dirile go ka tlala seatla go. tlha ga jaana fela go sa ntse go le gontsi go re tshwanetse go go dira e bile katlego ya Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano e ka se diragale ka letsatsi le le lengwe."
Didiriswa tsa phasalatso tse di nolofaditsweng di dirilwe mme di. tlhelwa kwa mafelong a botlhe. Didiriswa tse di akaretsang Molao wa Tekatekano, o fetoletswe kwa dipuong tsotlhe tsa semmuso.
Ditherisano le European Union le Setheo sa Ditshwanelo tsa Botho mo go matla-fatseng dikamano le setšhaba di setse di konoseditswe. Maikaelelo ke go tlisa tsiboso mo dintlheng tse di jaaka ditshwanelo tsa molaotheo, go nna le seabe ga setšhaba le Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano.
Rre Rasiuba o tlaleleditse ka gore go tlhongwa ga Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano go tsh-wanetse ga lejwa jaaka lengwe la maano a a ikaelelang go dira gore phitlhelelo ya bosiamisi e nne bonolo go batho botlhe. Go tla kobisedi-wa thata maloko a setšhaba a a jaaka basadi le batho ba ba nang le bogole. O ne a rotloetsa maloko a setšhaba go dirisa dikgotlatshekelo tse le go bega dikgetse tse di amanang le tekatekano.
Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano di lebagane le dikgwetlho tse di jaaka go tokafatsa tsibogo, phitlhelelo le mafaratlhatlha. Le fa go le jalo, di atlegile mo go samaganeng le go tlhoka tekano ga mo malobeng. "Go ya ka melawana, dikgetse tsa tekatekano di tshwanetse go konosediwa mo dikgweding tse pedi," a rialo Rre Rasiuba.
Seabe sa Khomišene ya Tekatekano ya Bong (CGE) ke go rarabolola dikgethololo tsotlhe tse di ikaegileng ka bong. CGE e solofelwa go ya ka PEPUDA go thusa bangongoregi go isa isa dikgetse kwa Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano.
CGE e atlegile go tlhotlhomisa, go tsereganya le go ela tlhoko dikgetse tse di amanang le bong mo dikarolong tse di farologaneng tsa naga. Khomišene e na le dikantoro tsa diporofense mo diporofense tsotlhe tse robongwe go ela tlhoko tsamaiso le tiro ya Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano.
Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Afori-ka Borwa (SAHRC) e tsereganya mo dikgetse tse di amanang le bosemorafe, tsholo e e makgwakgwa le puo ya letlhoo. Ditheo tse pedi tse di nnile le seabe se segolo mo go tloseng hisetori ya go tlhoka tekatekano le katlego ya Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano ka kakretso.
Kemedi ya semolao e a amogelwa mo ditsaimisong tsa Kgotlatshekelo ya Tekatekano. Rre Rasiuba o tlaleleditse ka gore Boto ya Thuso ya Semolao (LAB) e na le seabe sa go tlamela ka thuso ya semolao mahala go bangongoregi mo dikgetseng tsotlhe tsa Kgotlatshekelo ya Tekatekano. O rile bannaleseabe botlhe ba go akaretsa Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo ba na le seabe se ba tshwanetseng go nna naso mo go phasalatseng ditirelo tsa Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano le go tshwara matsholo-tsiboso a botlhe.
Bobedi ditumalano tsa SLO le MLA di tlile go tsena tirisong matsatsi a le 30 morago ga gore ditlhokego tse di rileng di. tlhelelwe. Di akaretsa Aforika Borwa le Hong Kong di itsisanye ka go kwala gore di. tlheletse ditlhokego tsa go tumalano e tsene tirisong gotlhelele. Ditumalano tsa SFO le MLA tse di saenilweng ke ditumalano tsa maphatamabedi tsa bo 18 le 26 tsa mofuta wa tsona tse di konoseditsweng magareng ga Hong Kong le dinaga tse dingwe.
Tumalano ya SFO e tlhalosa dipeelo tsa go romela bat-shabi ba disenyi mme e na le dintlhatshireletso tse di ka bapisiwang le ditumalano tse dingwe tsa boditšhaba tse di tshwanang nayo.
Mo molaong wa bosenyi-gabedi, maitsholo a motho yo o romelwang e tshwanetse go bo e le a tlolomolao e kotl-hao ya yona e leng go tlhatlhelwa mo kgolegelong bonnye sebaka sa ngwaga go ya ka molao wa maphata oomabedi, ditumalano di tlhalosa jalo. Go neelwa go ka ganwa fa tlolo-molao e go neelwa ga motshabi go tlhokegang mo go yona e le e e otlhaiwang ka katlholelo-loso. Molawana wa tlolo-molao ya sepolotiki, go neelwa ga motshabi go ka ganwa fa tlolomolao eo e le tlolomolao ya sepolotiki. Mo molaong wa tiragalo ya ntlha (prima facie), tlhokego ya gore bopaki kgatlhanong le motho yo o batliwang ke lephata le le mo kopang e tshwanetse go bo e lekane malebane le go neelwa go sekisiwa go ya ka molao wa lephata le le kopiwang.
Mo molaong wa tse di kgethegileng, ditumalano di tlhalosa gore motho yo o neelwang ga a tshwanelwa go sekisediwa ditlolomolao tse dingwe ntle le tse a di kopetsweng. Mait-sholo a go kopiwang gore motho a neelwe ka ntlha ya ona e tshwanetse go bo e le a tlolomolao e kotlhao ya yona e leng go tlhatlhelwa mo kgolegelong bonnye sebaka sa ngwaga, go ya ka molao wa maphata oomabedi. Go neelwa go ka ganwa fa tlolomolao e go neelwa ga motshabi go tlhokegang mo go yona e le e e otlhaiwang ka katlholelo-loso.
Thuso ya semolao ya maphata oomabedi mo mererong ya tumalano e akaretsa go supa batho ba kwa ba leng teng, go romelwa ga ditlankana, go bona le go romela ditatamente, bopaki, dilwana kgotsa ditlankana.
Hong Kong e ne ya busediwa mo go PRC ka 1 Phukwi 1997, e pele e neng e le koloni ya Britain. Ka ntlha ya se, Hong Kong e ne ya itsege jaaka HKSAR ya People's Repub-lic of China (PRC). PRC e laola dikamano tsotlhe tsa sesole le tsa boditšhaba (naga go naga) le merero e e ka amang tshireletso le puso ya PRC. Le fa go le jalo, merero yotlhe e e amanang le tsamaiso ya semolao (go akaretsa molao ka boona), taolo ya madi, kopano ya ditirelo tsa kwa ntle, kgololosego ya bobegakgang, thuto, kgwebisano, merero ya setso le thekenoloji, jj. e sa ntse di le ka fa tlase ga Puso ya HKSAR.
Maikaelelo a thulaganyo e ke go tokafatsa Phitlhelelo ya Bosiamisi go ditlhopha tse di bulegetseng kotsi le tse di neng di kgapetswe thoko; go toka-fatsa tsiboso le kitso ya ditshwanelo tsa Molaotheo le go rotloetsa temokerasi ya go nna le seabe ka dipuisano le go matlafatsa mekgatlo ya setšhaba.
Ditšhaba tse di lebilweng le ba ba tla tswelwang mosola ba akaretsa badiri ba dipolase, baagi ba ba tlhokang ba metseselegae le ba metsesetoropo, batho ba ba amilweng ke HIV/AIDS le kgatako ya ditshwanelo tsa botho; malapa a a tlhokometsweng ke bana; batsofe; batho ba ba golafetseng; bašwa go akaretsa bana ba ba mo dik-golegelong; basadi le bana; bagoleg-wa; batshabi; batshabi ba sepolotiki le bafudugedi ba ba senang ditlankana.
Phitlhelelo ya Bosiamisi e tla rotloediwa ka go oketsa tshegetso go ditheo tse di farologaneng tse di dirang mo setšhabeng. Ditheo tse di direla bontsi jwa batho ka go tlamela ka maele le go anamisa Phitlhelelo ya Bosiamisi. Thulaganyo e e tla netefatsa gape gore dintlha tse di golaganang le botlhoki le phetolo ya maemo a loago le ikonomi e tswelediwa go ka dirisa Molaotheo. Se se tlhoka gore dikgotlatshekelo di. tlhelelwe ke batlhoki le baagi ba ba bulegetseng kotsi ba ba nang le bothata jwa go. tlhelela ditirelo tse.
Maikaelelo a mangwe a thulaganyo e ke go tlhola setšhaba se se sa itseng fela ditshwanelo tsa sona, mme se itse gape go sireletsa maloko a sona. Se ke tsereganyo e e botlhokwa go batlhoki ba naga ya rona gonne melawana ya Molaotheo ke sediriswa mo kgaratl-hong kgatlhanong botlhoki le go se lekalekane. Se se tla thusa thata mo go ageng setšhaba se sešwa se mo go sona Maaforika Borwa otlhe a mat-lafaditsweng go. tlhelela le go dirisa ditshwanelo tsa bona tsa Molaotheo.
Momagano magareng ga puso, setšhaba le ditlhopha tse di tswelwang mosola ka motheo wa go aga setso sa ditshwanelo tsa botho. Thulaganyo e e tla tshegetsa ditiragalo tse maitlhomo a tsona e leng go matlafatsa go nna le seabe mo temokerasing mo maemong a mantsi.
Motlatsa Moporesitente Moh Baleka Mbete o rile "Ke na le bonnete jwa gore ka go. tlhelela tshedimosetso, batho ba rona ba tla matladadiwa go tsaya ditshwetso tse di botlhale. Go botlhok-wa thata gore re matlafatse semphato sa rona mo ntlheng e."
Moh Sooka o ne a leboga baagi le batho botlhe ba ba dirileng gore tira-galo e e atlege. "Gompieno, lo bont-shitse bokgoni jwa Aforika Borwa yo mošwa." O ne a leboga gape le Tona ya maloba ya Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo Brigitte Mabandla go tlhoma thulaganyo e. "Ke rata gape go leboga Tona ya ga jaana ya Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo, Rre Surty, go itlhaganedisa thulaganyo e."
Go tsweletsa maiteko a, Lefapha le amogetse bokana ka dimilione tse R260 go tswa kwa European Union, go tshegetsa phitlhelelo ya bosiamisi go botlhe, ga rialo Moambasatara Briet.
Madi a a tshegenya go tsenngwa tirisong ga pholisi le leano la Lefapha le le ikaelelang go samagana le dik-gwetlho tsa thebolo ya ditirelo le go tokafatsa phitlhelelo ya bosiamisi. Ke solofela gore ka 2011, Lefapha le tla bo le. tlheletse bontsi jwa maitlhomo a a mo leanong la lona," moambasatara a tlhalosa jalo. O ne a tswelela ka go bua gore 10 Sedimonthole ga se fela letsatsi la go thankgololwa ga thulaganyo mme ke go keteka gape segopotso sa bo60 sa Universal Declaration of Human Rights. "Se se supa kgato ya ntlha ya go tlhoma letlhomeso le le akaretsang la boditšhaba la tshireletso ya ditsh-wanelo tsa botho."
Moh Yasmin Sooka etso ya Ditšhaba-Kopano ka 1948. Kgoeletso e e tlhalosa ditshwanelo tsa botho tsa motheo. "Kgoeletso e e sa ntse e le botlhokwa. Ga jaana Kgoeletso e e amogelwa mo mafelong a mantsi jaaka karolo ya molao wa setso wa boditšhaba," moambasatara Briet a tlhalosa jalo. Kgoeletso e e tlhotlheleditse Melaotheo ya dinaga tse di sa tswang go bona kemonosi le ditemokerase tse dintšhwa go akaretsa Aforika Borwa. "Ke na le tsholofelo e kgolo gore thulaganyo e e tla nna le seabe mo morerong o o botlhokwa o. Ke lo eleletsa masego mo kgwetlhong e ya go baya batho kwa pele, kgotsa Batho Pele jaaka lo e bua," a konosetsa.
Ka Neliswa Demana aatefokata ba Malapa ba Aforika Borwa ba tlile go kopang ngwaga le ngwaga go abelana maitemogelo a tiro ya bona. Tshwetso e e tlile kwa Khomferenseng ya Ntlha ya Baatefokata ba Malapa e e neng e tshwerwe ka 22 go. tlha ka 24 Ferik-gong, e morero wa yona e neng e le "Go Tlhagelela ga Molao wa Bana". Baatefokata ba Malapa ba ka nna 190 ba ne ba tsenetse khomferense eo.
Khomferense e e ne e kobiseditswe maikano a thebolelo ditirelo a Lekala la Puso, a a leng mo meonong ya Batho Pele. Khomferense e e tla tlhalosa dipotso tse di botlhokwa tsa go ngangisana ka dikgopolo tse di wa ka ga se se tshwanetseng go dirwa go tlhotlheletsa dipholisi tsa isago mo lekaleng la Molao wa Malapa le Tiragatso. Dikhomferense tse di tlang di tswelela go mametlele-la Ditshwanelo tsa Molaotheo tsa bana.
Moatefokata-Mogolo wa tsa Malapa Petunia Seabi o rile E ke ya ntlha ya mofuta wa yona.
Moatefokata-Mogolwane wa tsa Malapa Brenda Makganyoha, o ne a tsamaisa thulaganyo ka letsatsi la bobedi la khomferense jaaka Molao wa Bana.
Tlhogo ya Kgaolo ya KwaZulu-Natal Brigitte Shabalala o ne a rotloetsa baatefokata go tsweletsa tiro e e manontlhotlho e. "Go tsaya go feta dithutego go dira se lo se dirang. Ga lo a thapiwa ka phoso. Go thapiwa ga lona go lo naya t hono ya go jwa-la mo set ... habeng." O ne a tlhalosa gore Lefapha le dira tiro e ntsi e e ka bontshiwang lefatshe. "Ke lo rotlo-etsa go rata ditiro tsa lona, gonne go dira jalo go tlile go lo tsweletsa."
Moh Shabalala o ne a rotloetsa mongwe le mongwe go latela mafoko a a ga Mahatma Gandhi, "Nna phetogo e o ratang go e bona mo lefatsheng."
Kantoro ya Baatefokata ba tsa Malapa e thusa batho go. tlhelela ditumalano mo dintlheng tse di jaaka go tsewa ga bana le botlhokomedi. Ditirelo tse di rebolel-wa set haba mahala. Lefapha le beile kwa setlhoeng go oketsa le go katisa Baatefokata ba Malapa. Pal-ogotlhe ya dikantoro tse 25 go ralala naga do setse do dira go oketsa phitlhelelego ya ditirelo ya Baatefokata ba tsa Malapa.
Fa maphata a sena go dira dikopo, Moatefokata wa Malapa o tlhatlhela potso e ka thuso ya mogakolodi wa lelapa (gantsi ke modirediloago yo o katisitsweng), a botsolotsang matlhakore a go netefatsa maemo a bona le dintlha tsa lemorago tse di amanang le ntlha e. Moatefokata wa Malapa morago o botsolotsa ngwana go mo naya t hono ya gore le ena a utlwiwe. Se se dirwa gore ngwana a se tlhagelele kwa kgotlatshekelo.
Lefapha le lemogile gore mo mererong ya malapa mekgwa ya dikomano ya go rarabolola dikgotlang e rotloetsa boganka mo malapeng. Se se ama bana mo ditlhaloganyong, segolo fa lenyalo le thubega.
Go samagana le se, ditirelo tsa botsereganyi le dithu-laganyo tsa bosiamisi jwa pusetso di a rotloediwa go matlafatsa momagano ya loago go lebilwe thata go aga malapa mo ntweng kgatlhanong le bosenyi. Kan-toro ya Moatefokata wa Malapa e atlegile mo go ato-losetseng ditirelo kwa Dikgotlatshekelo tse Dipotlana le tse Dikgolo mo nageng le mo go tlameleng ka ditirelo ka mokgwa wa go di tsamaisa mo mafelong a magae.
Dikgopolo tsa Boditšhaba ka ga Bosiamisi o dingwageng tse lesome tse di fetileng, Maaforika Borwa a mantsi a ne a nyalana mme seelo sa manyalo le sa tlhalo se ntse se fetogafetoga go ya ka dipalopalo tsa Setheo sa Dipalo-palo sa Aforika Borwa (Statistics South Africa) tse di golotsweng ka Phatwe 2008. Setheo se se rile palogotlhe ya manyalo a le 184 860 a kwadisitswe mo Aforika Borwa ka 2006 - dipalopalo tsa sešweng - koketsego ya diper-esente tse 26 go tswa dingwageng tse 10 tse di fetileng.
Mo manyalong otlhe a a feletseng ka tlhalo, Setheo sa Dipalopalo sa Aforika Borwa se.
Bana ba le 30 242 ba amilwe ke tlhalo ka 2006.
Jaaka naga le ikonomi di fetoga, bat-sadi ba le bantsi ba dira kwa dinageng tse dingwe, bangwe ba tlogela bana fa ba bangwe ba fuduga le bana ba bangwe. Batsadi ba ba tlhalaneng / kgaoganeng ba. tlhelela ditumalano tsa tlhokomelo le go eta mo ntlheng e, fa dilo di dirilwe ntle ntwa. Le fa go le jalo, mo mabakeng a mangwe bat-sadi ga ba dumalane mme mongwe a ka tshabela kwa nageng e nngwe ka ngwana. Mo mabakeng a mangwe, batsadi ba leka go ithusa ka go fudusetsa bana kwa tikologong e ba solofelang gore ba tla bona ditlamorago tse di kgotsofatsang tsa ditsamaiso tsa tlhalo, tlhokomelo kgotsa go eta. Tse ke dikgetse tsa go Thopiwa ke Batsadi. Ka lebaka la melao, ditso le dikgopolo tse di farologaneng tsa seabe sa banna le basadi mo setšhabeng, dikgetse tsa go Thopiwa ke Batsadi ke dikgwetlho tse dikgolo.
Aspects of International Child Abduc-tion. Ka go dira jalo, dinaga tseo di inyalantse le maikarabelo a a rileng a a tshwanang le a a tlhagelelang mo kon-terakeng. Se ke tumalano e e dirilweng go itlhaganedisa go boela ga bana kwa dinageng tsa bona tsa boagi, mo mabakeng a ba ntshitsweng ka tsela e e fosagetseng. Bonno jwa tlwaelo dinako dingwe bo farologana le boagi kgotsa bosetšhaba. Tumalano e ga e fela ka ga boa, mme ka Karolo 21 e tlamela le ka ga go golagana, go ntshiwa ga dikgoreletsi tse di kganela tiragatso ya kgolagano ya motsadi le ngwana. Bothati jwa Bogareng bo tshwanetse go diragatsa ditiro tse di tlhagelelang mo Karolo 21 malebana le dikopo tsa go boa.
Tumalano ya Hague e ikaelela go fedisa go gapiwa ga bana go isa kwa dinageng tsa boditšhaba ka go tlamela ka ditharabololo tsa semolao go ba ba batlang go busediwa ga ngwana kwa nageng ya bonno jwa tlwaelo. Go tshwanetse go elwe tlhoko gore maikaelelo a go itlhaganedisa ga go busediwa ga ngwana ke go baya ng-wana mo tsamaisong ya kgotlatshekelo e e mo maemong a a botoka a go ka samagana le dintlha tsa ngongorego ya batsadi. Ngwana a ka nna a ntse a le mo tlhokomelong ya motsadi yo a mo thopileng, fa a tlhopha go ka boa le ngwana.
motsadi yo o itirelang boikuelo o ne a na le ditshwanelo tsa tlhokomelo a le esi kgotsa tse di kopanetsweng go ya ka taelo kgotsa tiragatso ya molao, le ka nako ya go ntshiwa motsadi yo o ikuelang o ne a diragatsa dithata tseo.
Moatefokata-Mogolo wa Malapa Petunia Seabi ke moitseanape mo mererong e e jaana. O tlhalosa ka moo molao wa Aforika Borwa o samaganang le dikgetse tsa go Thopiwa ke Batsadi, o dirisa Tumalano ya Hague le Molao wa Bana.
P: Batsadi ba Aforika Borwa ba ka dira eng fa balekane ba bona ba pele ba thopile bana le go ya le bona kwa dinageng tsa boditšhaba?
Motsadi yo o setseng o tshwanetse go leka ka bo-jotlhe go itse dintlha ya go tloga ga bona le lefelo le motsadi le ngwana yo o thopiwang ba yang kwa go lona. Tumalano ya Hague e naya motsadi yo o tlo-getsweng tlhopho ya go ka ikgolaganya le kantoro e e supilweng ya Bothati jwa Bogareng ya RSA, e le Kantoro ya Moatefokata-Mogolo wa Malapa (OCFA) kgotsa Bothati jwa Bogareng jwa naga e ngwana a thopetsweng kwa go yona. Ngwana yo o thopilweng o tshwanetse go bo a le dingwaga tse di kwa tlase ga somethataro.
Dikhopi tse di kannweng tse di tlhagisang ditshwanelo tsa tlhokomelo. Dikao tsa tsona ke seti.keiti sa lenyalo, ditaelo tsa kgotlatshekelo tse di nayang ditshwanelo tse di kailweng, diti.keiti tsa botsalo tse di khutswafaditsweng, jj.
Motsadi yo o setseng le ena o tla tshwanela go tlatsa foromo e e supilweng e e dirisiwang ke bothati jwa bogareng mo dinageng tse dintsi tse di nang le seabe.
P: Ke dikgato dife tse di tsewang mo go batleng ngwana yo o thopilweng, go ya Tumalano ya Hague le Molao wa Bana wa SA?
Bothati jwa Bogareng jwa RSA morago fela ga go amogela ditlankana tse di maleba bo sekaseka dintlha tsa semo-lao tsa kopo ga mmogo le maemo a Tumalano a naga e ngwana e tseetsweng kwa go yona. Fa ngwana a isitswe kwa nageng e e nang le seabe mme tsotlhe tsa semolao di diragitswe, C.A. e tla kokoanya tsotlhe mme e romele kopo kwa CA ya boditšhaba e kopa go bosiwa ka potlako ga ngwana yoo. Tsela e ga e dire fa ngwana a tseetswe kwa nageng e e seng mo Tumalanong e.
DiCA tsotlhe go ya Tumalano e di tshwanetse go tsaya dik-gato go bona go busa ngwana ka boithaopo. Se se dirwa ka botsereganyi jwa melelwana e e kgabaganyang. Kgetse e ka tlhatlhelwa fela fa botsereganyi jo bo retelelwa. Tsela e e ny-alana gape le melawana ka kakaretso e e leng mo Molaong wa Bana, e leng gore mo ntlheng efe fela e e amang ngwana tsela e e siametseng botsereganyi le tharabololo ya mathata e tshwanetse go latelwa'. Le fa go le jalo, go botlhokwa gore motsadi yo o tlogetsweng a itsise Bothati jwa Bogare ka ga kgonego ya go fuduswa gape/kgonego ya go utlwisiwa botlhoko ga ngwana, fa motsadi yo o thopileng ngwana a ka itse ka kopo ya go busiwa. Mo mabakeng a CA e tla tsaya dikgato tsa go bona taelo ya kgotlatshekelo ya tshoganyetso go thibela go ka fudusiwa kgotsa go utlwisiwa botlhoko ga ngwana.
P: Tumalano ya Hague le Merero ya Selega mo go Thopiweng ga Bana Boditšhaba di amana jang le dikgatlholo tsa tlhokomelo ya bana tse di dirwang mo dikgotlatshekelo tsa Aforika Borwa?
Go na le dilo tse pedi tse di tlhagelelang mo ntlheng e. Sa ntlha, taelo e e neelang tlhokomelo ya ngwana e ka dirisiwa jaaka bopaki jwa ditshwanelo tsa botsadi ke motsadi yo o batlang gore ngwana yo o thopilweng a busiwe. Sa bobedi, ke fa mothopi a batla taelo mo kgotlatshekelo ya RSA, e e tla nnang le seabe mo go mametleleleng go fosagala ga go nt-shiwa kgotsa go tsholwa ga ngwana mo RSA. Mo lebakeng le, Bothati jwa Bogareng bo tla nopola Karolo 16 ya Tumala-no go thibela/sekega ditsamaiso go. tlha go tsewa tshwetso ka ga go boela ga ngwana kwa nageng ya bonno jwa tlwaelo ya ngwana. Go ya ka Tumalano bothati jwa boatlhodi/dikgot-latshekelo tsa naga e e nang le seabe e ngwana a isitsweng kgotsa a tshotsweng kwa go yona ga e a tshwanela go swetsa ka dintlha tsa ditshwanelo tsa tlhokomelo ya ngwana go. tlha go netefadiwa gore ngwana ga a kitla a busiwa.
Q: Go na le ditekanyetso mo tirisong ya tumalano, ka ntlha ya fa Tumalano e dira fela mo dinageng tse e di tsereng jaaka "Dinaga tse di mo Konterakeng". Dikgato tsa go busa ngwana kwa nageng e e seng mo Konterakeng ke dife?
Go ya ka tebo ya Aforika Borwa, go botlhokwa gore motsadi yo o setseng a bone taelo ka ditsamaiso tse di tlwaelegileng tsa selegae, tse di tlhalosang fa go ntshiwa/tsholwa ga ng-wana go se mo molaong e bile e le kgatako ya ditshwanelo tsa botsadi. Fa taelo e e. tlheletswe, motsadi yo o setseng o tshwanetse go newa taelo e e tla diragadiwang kwa nageng ya boditšhaba e gape e laela go busiwa ga ngwana. Tsela e e tlhwatlhwagodimo ka ntlha ya fa e akaretsa babueledi ba kwa dinageng tsa boditšhaba. Ka ntlha ya moo, Khomfer-ense ya Hague ka ga Molao wa Poraefete wa Boditšhaba e tsaya dikgato tsa go rotloetsa dinaga tse dingwe go ka nna le seabe mo Tumalanong e.
Q: Ke dinaga dife tse di ikamanyang le Tumalano ya Hague?
Bontsi jwa dinaga tsa Europe, Kgweranoditšhaba le USA. Mo Aforika ke RSA, Mauritius le Zimbabwe fela. Le fa go le jalo Zimbabwe ga e na Bothati jwa Bogareng.
lebilwe bontsi jwa bana ba ba kgabaganyang melelwane ya rona, bangwe ba se na le bagolo kgotsa ntle le ketelelopele ya bagolo.
Q: Fa motsatsi yo a isitseng ngwana kwa moseja a bona gore motsadi yo o mo Aforika Borwa o sotlaka ngwana, o kotsi mo ng-waneng kgotsa a ka se tlhokomele ngwana ka tshwanelo; a ka sireletsa jang dikgato tsa gagwe, go ya ka Tu-malano ya Hague le Molao wa Bana wa SA?
Tumanalo e neelana ka tlamelo ya gore motsadi yo o thopileng ngwana a ka nna kgatlhanong le go busiwa ga ng-wana. Fa motsadi yo o thopileng a ka lemoga gore go na le kotsi e kgolo ya gore kopo e ya go boa ga ngwana e ka bakela ngwana tshotlo ya mo mmeleng, tlhaloganyo kgotsa ya baya ngwana mo maemong a a sa amogelegeng, kgotlatshekelo e e reetsang kopo ga e pateletsege go laela gore ngwana a busiwe. Go tshwanetse ga elwa tlhoko gore dipelaelo fela tsa kotsi ga di kitla di pateletsa kgotlatshekelo go ganana le go busiwa ga ngwana, go tshwane-tse ga supiwa gore kotsi eo e masisi kgotsa kutlobotlhoko e e solofelwang ke e kgolo thata.
Q: A go na le dipaka tse di dirang ka fa tlase ga Tumalano ya Hague le Merero ya Selega mo go Thopiweng ga Bana Boditšhaba?
Gareng ga dikganetso tse di tlwaelegi-leng tse di tlhageletseng mo dikopong tsa go busiwa, ke gore ngwana a gane go boa. Mo mabakeng a a jaana, go dirwa tshekatsheko, gantsi ka thuso ya Mogakolodi wa Malapa kgotsa moitse-anape wa ditlhaloganyo gore a ngwana go godile mo ka nna le kakanyo e kgot-latshekelo e ka e tsayang tsia. Mabaka a go gana a ngwana le ona a tla sekasekwa go kgona go kgapela thoko tlhotlheletso ya motsadi yo o thopileng. Dingwe tsa dikganetso tse di leng teng ke gore tlosiwa go ne go sa fosagala, gore motsadi yo o tlogetsweng o ne a sa dirise ditshwanelo tsa gagwe tsa botsadi ka nako ya go ntshiwa kgotsa go tsholwa ga ngwana, kgotsa motsadi yo o tlogetsweng o dumalane le go tsewa/tsholwa ga ngwana. Fa bopaki jo bo le teng bo supang gore ngwana o iketlile kwa tikologong e ntšhwa, kgotlatshekelo e ka nna ya se laele go bowa ga gagwe. Mo mabakeng a fa go boa ga ngwana go ka nnang kgatlhanong le melawana ya motheo ya RSA e e amanang le tshireletso ya ditshwanelo tsa botho le dikgololosego tsa motheo, dikgotlat-shekelo tsa rona ga di pateletsege go laela go bowa ga gawe.
Bana ba ba setseng ba tshwere dingwaga tse 16 ga ba sirelediwe ke Tumalano e.
Fa ngwana a tlositswe ka phoso sebaka se se ka fa tlase ga ng-waga, go tloswa ga ngwana go ka laelwa ka fa tlase ga Tumalano e. Tumalano e e dira gore bothati jwa boatlhodi bo pateletsege go laela go bowa.
Fa ngwana a tlositswe ka phoso sebaka se se fetang ngwaga, ngwana o tshwanetse go busediwa ntle le fa kgotlatshekelo e tlhopha go se busetse ngwana fa e le gore go na le bopaki jwa gore ngwana o iketlile kwa tikologong ya gagwe e ntšhwa. Kgotlatshekelo e na le thata ya go laela/gana go buswa ga ngwana.
Dikgotlatshekelo le bothati jwa tsamaiso di tshwanetse go tsaya dikgato ka bona mo dikgetseng tsa mothale fela fa go ise go. tlhelelwe tshwetso mo dibekeng tse thataro go tloga ka letlha le ditsamaiso di simolotseng la lona, modirakopo kgotsa Bothati jwa Bogareng jwa Naga e e kopilweng bo ka kopa lebaka la tiegiso semmuso.
Tumalano e e dira malebana le go tloswa/tsholwa go go diragalang morago ga tumalano e e tsena tirisong magareng ga dinaga tse di amegang.
Ka kakaretso, Tumalano e tlhoka gore dinaga di tseye dikgato ntle le tiego mo dikgetseng tsa go thopiwa ka dikgoka ga bana tse di welang mo mafelong a tsona. Ke mangwe a maitlhomo a Tumalano e go sireletsa bana boditšhaba go tswa mo ditiragalong tse di seng monate tsa go tlosiwa kgotsa go tsholwa go go fosagetseng le go tlhoma mekgwa ya go netefatsa gore bana ba busediwa kwa dinageng tsa bona tsa boagi. Maikaelelo ke go netefatsa gore kgotlatshekelo e e bokgoni mo nageng ya boagi jwa ngwana e swetse ka go siama kgotsa go se siame ga go tshwar-wa goo, go. tlhelela go akaretsa le go isediwa leruei kwa nageng e nngwe. Se se ikaegile ka ntlha ya gore kgotlatshekelo ya naga ya boagi ke yona e e ka kgonang go bona bopaki jotlho jo bo maleba malebana le dintlha tsa go tsh-warwa, tlhokomelo le kgokagano e bile e mo maemong a a botoka a go ka neela taelo e e tla nnang mo dikgatlhegelong le/kgotsa tse di leng kotsi mo katlaatlelong ya ng-wana. Ka ntlha ya moo, Tumalano ya Hague e tsewa e le nyalana le melao ya rona le Molaotheo, ka go tsaya ditshwanelo tsa ngwana di le botlhokwa thata.
Phepo ya Bana o tokafatsa tsamaiso ya phepo ya bana go fokotsa mokgweleo mo dikgotlatshekel-ong ke mangwe a maikaelelo a Lefapha la Bosiamisi le Tlhabolo-lo ya Molaotheo. Maikaelelo a a nyalana le go tlamela ditlhoko tsa ditlhopha tse di bulegetseng kotsi, go tokafatsa maemo a thebolelo-ditirelo le go anamisa phitlhelelo ya bosiamisi.
Molao wa Phepo ya Bana (Phepo ya banaAct), 1998 (Molao 99 wa 1998), o tsene tirisong ka 26 Ngwanatsele 1999. Temana 27 ya Tumalano ya Ditshwanelo tsa Ngwana e e saenilweng ke Aforika Borwa kwa New York ka 1989 e tlhalosa gore Dinaga tse di tsayang karolo di dire tsotlhe tse di maleba go netefatsa go lopiwa ga phepo ya ngwana go tswa mo motsading kgotsa motho ofe fela yo o nang le maikarabelo a go thusa ngwana ka matlole.
Le fa Molao o o le teng le ditokafatso tsa ona di tlhagisitswe, basadi ba sa ntse ba tswelela go sotlega go. tlhelela madi a phepo ya bana ka ntlha ya go tlhaela ga tsamaiso le go se nne le didiriswa le badiri ba ba lekaneng.
Go tokafatsa tsamaiso e, Lefapha le tlhomile letsholo la Operation Isondlo.
Go ruta setšhaba le matsholo tsiboso.
Ditlelereke tsa Kgotlatshekelo ya Bana di le 124.
Go thapiwa ga Batlhankedi ba Phepo ya Bana ba ba katisitsweng semolao go tokafaditse boleng jwa ditirelo tse di re-bolwang e bile go tsweleditse go tsenng-wa tirisong ga ditlamelo tsa Molao wa Phepo ya Bana. Palogotlhe ya dipotso tse 111,579 ka ga phepo yua bana di ne tsa amogelwa mme ga rebolwa le makwalo a tshwaro a le 20,744 go ba ba sa dueleng.
Palogotlhe ya ditaelo tse 74,608 di dirilwe ka tumelelo, ditaelo tsa 6,868 di dirilwe ka go tlola malao mme ditaelo tse 1,047 tsa boditšhaba di kwadisitswe kgotsa go netefadiwa. Lefapha le amogetse din-gongorego tse 34,831 go ya ka karolo 6 ya Molao o.
Kgotlatshekelo ya Magiseterata nngwe le nngwe e Kgotlatshekelo ya Phepo ya Bana mo lefelong la tiro la yona go ya ka Molao wa Phepo ya Bana, mme motšhotšhisi mongwe le mongwe wa setšhaba ke motlhankedi wa phepo ya bana mo kgotlatshekelo ya gagwe. Motlhankedi wa phepo ya bana o tlhatlhela potso mo kgotlatshekelo ya phepo ya bana ya morago ga go sekaseka dingongorego malebana le phepo ya bana. Motlhankedi wa phepo ya bana a ka rebola sapina go gogela batho ba ba amegang fa pele ga magiseterata kwa ditlhotlhomisong ka ga phepo ya bana.
Kwa ditlhotlhomisong, bopaki bo etelelwa pele mme matlhakore a ka nna le kemedi ya semolao. Ditirelo tse ga di a bulelwa setšhaba. Morago ga tlhotlhomiso e e tseneletseng, motlhankedi wa Kgotlatshekelo ya Phepo ya Bana a ka dira ditaelo tse di amanang le phepo ya bana tse di farologaneng: gogela morago kgotsa go fetola ditaelo tse di leng teng tsa phepo ya bana, ditaelo ka tumelelo kgotsa ka ntlha ya tlolomo-lao le ditaelo tse di rwesang maikarabelo a diteko tsa botsadi.
Dikgotlatshekelo tsa Phepo ya Bana di ka neela dikatlholo tsa selegae tse go ka ikuelwang kgatlha-nong natso kwa Kgotlatshekelokgolo mme morago kwa Kgotlatshekelong e e kwa Godimo ya Boikuelo. Ditaelo tsa Kgotlatshekelo ya Phepo ya Bana di ka diragadiwa ka ditaelo kgatlhanong le dithoto, tuelelo ya tlolomolao kgotsa go kgomarediwa ga molato go motlhankedi wa phepo ya bana. Go se ikobele ditaelo tsa phepo ya bana (sk. Go se duelele phepo ya bana) ke tlolomolao ya besenyi.
Fa kgotlatshekelo e atlholetse motho go se duelele phepo ya bana, e ka tshwarwa tlhotlhomiso e khut-shwane (fa e na le taolo ya selegae) mme morago ya neela taelo ya tuelo madi a a saletseng morago a phepo ya bana. Kgetse ya bosenyio kwa kgotlatshek-elo ya magiseterata ka ntlha ya go retelelwa ke go duela madi a phepo ya bana e ka fetolelwa go tlhotl-homis ya phepo ya bana.
<fn>NWU-NEWS. News100.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Khonferense ya botlhano ya ngwaga le ngwaga ya SARIMA (Southern African Research and Innovation Management Association), e go neng go tsene dithomeletso di le 110 go tswa kwa mafatsheng a a 15, e ne e tshwerwe ka mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima(YBB).
Tlhogo ya Khonferense e ne e le: "Research and Innovation Management: Key to Prosperity"kapa re ka re Tsamaiso ya Patlisiso le Popontshwa: Senotlolo sa go bulela Bohumi.
Ka puo ya go bula, Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa YBB, o reile dithomeletso tsa kwa mafatsheng jaaka a kwa Ghana, Kenya, Sierra Leone, Kanada, USA le UK gore ene o dumela popontshwa ke mokgwa o montshwa wa go lebelela le go direla pele ka go oketsa boleng. "E nngwe ya mesolatogamaano ya maikaelelo a YBB ke go nna Yunibesiti e ya moeteledipele ka mo Aferika, e e kgweediwang ke lenyora la kitso le popontshwa" ga bua Ngaka Theuns Eloff.
Ngaka Eloff o ema nokeng kakanyo ya gore go ithuta go jesa tshedimosetso mme tshedimosetso e isa kwa popontshweng. Popontshwa e tsala diphetolo mme diphetolo oketsa lebelo la go tsamaisa dithuto mme mo bofelong sediko sa popontshwa e dikologwe.
O okeditse gape ka go re go botlhokwa thata go lebelela mabaka a a botlhokwa a a tlhotlheletsang popontshwa ka mo setheong. Dithulaganyo tsa setheo di tshwanetse go ema nokeng popontshwa mme go tshwanetse go nne le moputso o o oketsang phisego ya popontshwa.
Ditlhogwana tse dingwe tsa Khonferense di ne di le jaaka: "Tsamaiso ya patlisiso le Tlhabololo", Tsamaiso go tswa go kakanyong ya akatemi go ya go kgobofatso", "Ditiro tse di botoka ka mo patlisisong le mo tsamaisong ya popontshwa" le "Dithuto tsa pele ka ga tsamaiso ya patlisiso le popontshwa".
Sebui-segolo ka mo khonferenseng se ne se le Moh. Sara Farley, mosolatogammani wa saense le thekenoloji go tswa kwa World Bank, USA. Puo ya gagwe e ne e bidiwa: "The global network of science: Tapping into the grid." Kapa re ka re ka Setswana ke "Dithulaganyo tsa bogotlhe jwa lefatshe tsa lefatshe: Go itsenya mo teng tsone".
SARIMA e e tlhomeletsweng ka 2002, e dirisana mmogo ka mo kemo nokeng le tlhabololo ya mabaka otlhe a patlisiso le popontshwa.
Khonferense ya SARIMA, e e neng e tshwerwe ke Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e e neng e tsenwe ke dithomeletso di le 110 go tswa go mafatsheng a a 15.
Trotse mnr André Mellet met die trofee wat hy as Ekonoom van die Jaar ontvang het.caption (English):A proud Mr André Mellet with the trophy he received as Economist of the Year.
<fn>NWU-NEWS. News101.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Tiro ya go go bulela botlhe tsela ka mo tlhogong ya dijo tsa setso tsa boapei jwa Aferika e nnile senotlolo se se ileng sa bulela kamogelo ya dikerii ya bongaka ya tlotlo go Renata Coetzee e e tlileng go abelwa mo khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela mo nakong e e tlang.
Dikerii ya bongaka ya tlotlo e ke ya ntlha e e tlileng go abelwa mongwe go tloga ka kopano ya diyunibesiti dingwaga tse nne tse di fetileng.
Moh. Coetzee o itlhaotse mo go ba bangwe ka tiro ya gagwe ya mo tikologong ya dijo le basaense jwa dijo, mme gape go apeela batho ba bantsi mo Aferika-Borwa. Tiro ya gagwe e ile ya diragatsa go rekota le go kwala mekgwa ya go apaya le dijo tsa setso mo lefatsheng la rona.
Gape o dirile tiro e kgolo-kgolo ka go kgwebofatsa dijo tsa setso ka diporokerama tse di farologaneng tsa tlhabololo go fokotsa botlhoki le go maatlafatsa basadi ba kwa mafelong a magae.
Moh. Coetzee o ile a dira patlisiso ya bosaense ka tiro ya go gatsela dijo go ka di dirisa ka mo disepetleleng le ka mo diyunibesiting. Patlisiso e ile ya diriwa ka tirisanommogo le WNNR mme o ile a tsamaya maeto a a bophara go ya kwa USA, Boritane, Jeremane, Holane le kwa Norowei go ka kgona go batlisisa mekgwa ya go gatsela dijo tse di omileng le tse di se nang metsi a a kwa tlase.
Moh. Coetzee o ile a amogela dikabelo tse dintsi tsa porofešhenale ka tiro ya gagwe mo go nang le tse di tshwanang le kabelo ya Cordon Blue ya go tswa kwa Boapeelong jwa Silwood ka patlisiso ya dijo tsa setso mo Aferika-Borwa, Metlele ya Mokhansele ya Yunibesiti ya Pretoria le gape kabelo ya tlotlo go tswa go Setheo sa Atshe ya go apaya.
O ile a kwala dibuka tse dintsi tse di farologaneng mme o thusitse gore go diriwe diporokerama tsa thuto tse di fetang 60 tsa mokgwa wa go apaya dijo le kotlo tsa thelebišhene. Ka patlisiso ya gagwe e e bophara Coetzee o dirile gore go ratiwe dijo tsa mo Aferika le Aferika Borwa mo lefatsheng ka bophara.
<fn>NWU-NEWS. News102.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Moporof. Werner Nel, motlhatlheledi wa moopedi wa mo Sekolong sa Mmino mo khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) o ne a tlotliwa ke Akatemi ya Saense le Diatshe ya Aferika-Borwa ka Kabelo ya Huberte Rupert ya mmino kwa kelasiki.
Moporof. Nel ke moamogedi wa ntlha wa kabelo e e tlotliwang e e tlhometsweng ngwaga e e fetileng. Ngwaga e go ne go lebeletswe thata tiro ya maemo a a kwa godimo ka mo go ruteng ga batsweretshi ba kelasiki - mme ka mo go moporofesara ya wa YBB - baopedi ba mofuta wa kelasiki. Ene o tseile karolo mo katisong ya baopedi ba batsha mo Aferika Borwa mo dingwageng tse di 30 tse di fetileng mme o ntse a tswelela go tsaya karolo e e sa kgoneng go bewa tlhotlhwa.
Khomiti ya go Kgetha ya Akatemi ya Aferika Borwa ya tiragatso ya diatshe ba ne ba ela tlhoko gore moporof. Nel le ene o ntse a le yo mongwe wa baopedi wa moeteledipele wa dikhonsarata le diopera Mo Aferika Borwa. Boiphediso jwa gago bo simolotse ka kwa Gelsenkirchen, kwa Jeremane. O ne a tshameka a le moanelwa wa moeteledipele mo dikhonsarateng tse dintsi tsa go bua le go opela opera mo dipopong tsa babopi ba bagolo ba ba itsiweng lefatshe la bophara mme o ikitsisitse go botlhe ka a ne a opela dipina tsa Sejeremane le tsa Seaferikanse.
Moporof. Nel gape o amogetse tlotlo ka baithuti ba gagwe. Bangwe ba bone ba setse ba dirile ka mo matlong a diopera tse di itsiwang tse di kgolo mme ba setse ba fenste dikabelo tse dintsi ka mo Aferika Borwa le ka kwa moseja. Mo go bone re ka bala baopedi ba ba latelang jaaka: Kobie van Rensburg (Munich, Jeremane), Sally du Randt, Erica Eloff, André Howard (Stellenbosch), Jacques Imbrallo, Wilhelm Theunissen (Wales), Mandie de Villiers (Oslo, Norway), Tina Tshupane (London), Ernst Labuschagne (Zürich, Switzerland) le Chris Mostert (St. Gallen, Switzerland). Imbrallo ke yo mongwe wa ba ba 25 ba ba neng ba kopilwe go tsenelela Kgaisano ya Moopedi wa Lefatshe wa Cardiff e e tla tshwariwang fela ka nakwana - e e tla tsenwang ke Moporof. Nel.
Moporof. Nel gape o rutile le baopedi ba mmino o o ratiwang jaaka Rina Hugo le Charl van Heyningen. Ka 2001, Mokete wa Diatshe wa Aardklop o ile wa mo fa kabelo go mo abela tlotlo ka matsapa le tiro ya gagwe ka mo mminong, thata opera, mo Aferika Borwa. Ene gape ke moatlhodi yo mogolo yo o batliwang thata ka mo dikgaisanong tsa go opela mo Aferika Borwa le mo lefatsheng ka bophara.
Kabelo ya Huberte Rupert e tlhometswe ka 2006 mme e amogela madi a yone go tswa mo Setheong sa Rupert(Rupert Foundation). Kabelo e tla abelwa ka 22 Seetebosigo 2007 ka nako ya Moletlo wa Dikabelo wa Akatemi kwa Tshwane.
Moporof. Werner Nel, motlhatlheledi wa moopedi o ne a tlotliwa ke Akatemi ya Saense le Diatshe ya Aferika-Borwa ka Kabelo ya Huberte Rupert ya mmino wa kelasiki.
<fn>NWU-NEWS. News103.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Moporof. Sanette Marx wa sekolo sa Boenjineri jwa Khemikale le Minerale o bone katlego e kgolo ka a beilwe setulong sa bobedi sa patlisiso ya lookwane la bio.
O thapilwe ke SANERI(South African Energy Resource Institute) mme thapo e e raya gore o tshwanetse go rulaganya le go etelela pele patlisiso ya bio-etanolo ka mo sekolong.
Moporof. Marx ngwaga le ngwaga o amogela madi a kana ka R1.5 melione dingwaga tse tlhano tse di latelang mme gape mo godimo ga se o amogela R500 000 ya dibasari tsa baithuti. Se se raya gore go tshwanetse gore go nne le tirisanommogo e e feteletseng magagreng a babatlisisi ba Khampase ya Mafikeng gore go tlhomamisiwe gore baithuti ba ba neng ba tlogetswe kwa morago le bone ba kgone go bona thsono ya go ka tsenelela mo patlisisong e ya maemo a a kwa godimo.
Maikaelelo a magolo a patlisiso ya gagwe ke go tlhomimisa kapa go lemoga gore ke kumo efe ya tlhaka kapa tse di salang morago ga thobo tse di ka dirisiwang go ka dira etanolo e e lekaneng ya go ka arabela ditlhokego tsa maatla a mo lefatsheng la rona. Mo patlisisong ya ngwaga e e fetileng go ne ga tla dipatente tse 3 tse di kopetsweng kwadiso mme gape ga batlisiswa mefuta e e farologaneng ya go ka dira etanolo, buthanolo le gongwe disele.
Moporof. Sanette Marx ka mo laboratoriamong ya gagwe e jaanong e tlileng go tokofatswa gagolo morago ga kabelo ya SANERI.
<fn>NWU-NEWS. News104.2009-12-02.tn.txt</fn>
Yunibesiti ya Bokone-Bphirima e amogetse setifikeite sa selefara go tswa kwa Thulaganyong ya Thuso ya Madi go Baithuti ya Setšhaba (Seesemane:NSFAS). E se abetswe ka e ne e tlhokometse tsamaiso ya dibasari ka tsela e e itumedisang.
Rre Danie Hefer, Tlhogo: Tshegetso ya Ditirelo tsa Ditšhelete o amogetse kabelo e mo boemong ba YBB, mo ba neng ba kopane teng mo khonferenseng ya NSFAS kwa motseng wa Kapa.
Rre Hefer a re: " Ke la ntlha ofisi ya rona e amogela setifikeisti sa mofuta o mo Kopanong mo go neng go ngathiwa dijo tsa maemo godimo. Le fa go ntse jaana, re itumetse, mme re a itse gore ofisi ya rona ya dibasari e ne e tlhola e dira ka matsapa a magolo mo dingwageng tse di fetileng. ebile e ne e tlhola e amogela ditebogo tsa go re: "Lo dirile sentle !"
Tshegetso ya Ditirelo tsa Ditšhelete e dira tiro e go tswa mo Ofising ya Setheo mme e rwele boikarabelo ba dibasari le tsamaiso ya tsone ba dikhampse ka boraro ba tsone tsa YBB. Tsamaiso ya sekgwamo sa NFSAS e thusitse baithuti ba palo ya 2500 mo 2006. Kabelo ya go tswa mo Yunibesiting ya ditšhelete tsa NFSAS, e e lebileng baithuti ke R52, 021,000 mo ngwageng wa 2007.
NSFAS ke thulaganyo ya Mmuso, e e tsamaisang matlole a a abetsweng ke Rramatlotlo go tshegetsa baithuti ba ba nang le bokgoni. Bone ba ba sa kgonweng go ka tshegetswa ke batsadi ba bone go ba duelela dithuto tsa bone. Ke Thulaganyo ya Kadimo ya Ditšhelete tsa Dibasari. Fa ba dira ka bonatla mme ba falola ba ka kgaolelwa diphesente di le 40 ya ditshenyegelo tsa teng. Ditšhenyegelo tse di salang di tshwanetse tsa duelwa ke moithuti ka tsadiso ya diphesente di le 7. Pele thulaganuo e ne e itsege e le Tefsa.
Mo go neng go kopanetsweng dijo teng, Yunibesiti ya Johannesburg e bone setifikeeti sa gauta fa Yunibesiti ya KwaZULU-Natal e amogetswe sa koporo.
Mo malatsing a a fetileng, Rre Danie Hefer o amogetse Setifikeiti sa selefara mo boemong ba YBB mo kopanong ya Thulaganyo ya Thuso ya Madi go Baithuti ya Setshaba (Seesemane:NFSAS). O na le Mme Naledi Pandor Tonakgolo ya Thuto le rre. Sipho M Pityana, moeteledipele wa Khansele ya NFSAS.
<fn>NWU-NEWS. News105.2009-12-02.tn.txt</fn>
Motlhatlheledi yo montšha wa YBB o tlhotlheletsa dikakanyo tsa go bopa.
Motlhatlheledi yo montšha wa YBB o tlhotlheletsa dikakanyo tsa go bopa.
POTCHEFSTROOM - Tsela e nngwe e baakatemi ba Yunibesiti ya Bokone Bophirma ba busetsang kitso ya bone mo setshabeng ke go kwala dibuka. Baakanyetsi ba ditshwantsho le batho ba bangwe ba ba bopang dilo ba ka boelwa ke mosola go tswa mo bukeng ya ga Mmengaka dr. Hanri de la Harpe. Buka ya teng ke e e tswileng mo malatsing a a fetileng CREATIVE INTELLIGENCE: the designer's creativity handbook.
Mmengaka Dr. De la Harpe ke motlhatleledi-mogolo mo Sekolong sa Baakanyetsi Ditshwantsho mo khampaseng ya Potchefstroom. Motswedi wa buka ya gagwe ke dithuto tse a neng a di tseneletse go bona dikerii ya bongaka ya gagwe. Buka e e tshwaelwa e le kaedi e o ka e dirisang ka bowena go bona tshedimosetso ka ga tiro ya go bopa sengwe, e ka dirisiwa le mo dikhosong tsa dithuto tse di phagameng tsa maemo a boraro.
Mo thesising e a e weditseng, e e leng motheo wa buka ya gagwe, Mmengaka Dr. De la Harpe o akanyeditse thutatsela e e tlhaolesegileng. E thusa go tsweletsa pele go bopa ga dilo ka tsela e e tlhamaletseng mo katisong ya kakanyetso-ditshwantsho mo yunibesiting. Mo bukeng go fiwa ditshitshinyo tse di tlhalositsweng ka dikao le ditshwantsho. E nngwe ya tsone ke ya go tsamaisa kakanyetso ya popo ya dilo ka mokgwa o o nonofileng. Poelo e e botlhokwa ya buka ke dithekeniki tsa go bopa dilo le dikakanyo tsa teng, tse di tla thusang baithuti le baakanyetsi ba boithutelo go boloka nako, ka dikakanyo di setse di le fa pele ga bone.
Rrengaka dr. Piet Muller, motlhatlhobi wa PhD. o bona buka e le ya mabulaatsela e e yang go nna le tlhotlheletso mo dithutong tsa kakanyetso-botshwantshi le mo go tsamaiseng ga mafelo a dikakanyetsopele.
Ngaka Dr. Hanri de la Harpe.
<fn>NWU-NEWS. News106.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Sekolo sa Dithuto tsa Kgwebo sa Potchefstroom (PBS)se abetse didikerii tsa palo ya 126 monongwaga.
Mme Jeanette Robberts, mmalatlotlo mogolo wa Kgwebo ya Dikhemikale mo Sasol o tlhaotswe mo kopanong ya kgalalelo a le moithuti yo a gaisitseng botlhe. O akgotswe ka metlele ya gauta. Mo dithutong tsa gagwe tse do mo tseileng dingwaga tse tharo o fitlhetse bogare ba diphesente di le 78 mo ditlhatlhobong.
Mme Robberts o tlhaotswe gape a le moithuti yo o gaisitseng ba bangwe mo dithutong tse di latelang: Tsamaiso-kakaretso, Ekonomi, Tsamaiso ya Bommalatlotlo le Tsamaiso ya Kumo. Godimoga tsotlhe tse, o ne a le mongwe wa setlhopha sa baihuti ba ba neng ba begile teko e e gaisitseng tse dingwe.
Rre Petrus van der Walt, Motsamaisi-mogolo wa Ditirelo tsa Sebele tsa Banka mo ENB, o reile a re, tsela ya gago ya tiro mo kgwebong ke leeto le le tsamayang le tswelela pele, ka dinako tse dingwe le tletse ka bodutu mme ka tse dingwe ke tse di itumedisang. O rotloeditse baithuti go dirisa kitso e ba e boneng go bopa bokgoni mo ditirong tsa bone.
Sekolo sa Dithuto tsa Kgwebo mo Potchefstroom (PBS) se gatetse pele ka dikgato tse dikgolo ebile baithuti ba oketsegile ka diphesente di le 30. Sekolo Dithuto tsa Kgwebo mo Potchefstroom (PBS) se ne se beilwe leitlho le lentšhotšho mme sa tlhatlhobiwa ka go lebelela kamogelo ya mananeo a sone go tswa mo baithuting ba teng.
Mo patlisisong go ne go itekantshwa le dikolo tse dingwe tse somepedi tse di ikwadisitseng tsa kgwebo. Sekolo sa Potchestroom (PBS) se tlhaotswe se le se sengwe sa maemogodimo ke diitastari tsa Aforika-Borwa.
Moprof Tommy du Plessis, motsamaisi wa Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom (PBS), a re , go tsentswe diphetogo tse dintsi go tsholetsa maemo a lenaneo la MBA ya bone. Ba e tokafaditse, go tloga nako ele ya dingwaga tse pedi go boela kwa morago fa Lefapha la Thuto la dira gore dikhoso tsa MBA di ikwadise seša.
A re Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom (PBS) se leka ka thata go fana ka ditharabololo tsa kgwebo tse di ka disrisiwang le go ka katisa batsamaisi ba boemogodimo ba boithutelo. Leitlho le beilwe mo go neelaneng ga khoso e e leng maleba, e e ka dirisiwang mo dikgwebong tsa malatsi a segompieno.
FOTO: Go tswa molemeng Rre. Andile Ncontsa, Tlhogo : Dikamano-bakgatlhegi, Ou Mutual; Mme Jeanette Robberts (Mothuti yo o gaisitseng ba bangwe); Rre Petrus van der Walt, Motsamaisi-mogolo wa Ditirelo tsa Sebele tsa Banka ya ENB; Moprof. Annette Combrink, Morektoro wa Khampase ya Potchefstroom le Moprof Tommy du Plessis, Motsamaisi wa Sekolo sa Kgwebo mo Potchefstroom.
<fn>NWU-NEWS. News107.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Moprof Esté Vorster, Mokaedi wa Africa Unit for Transdisciplinary Health Research (AUTHeR) mo Fakalting ya Disaense tsa Boitekanelo mo khampaseng ya Potchestroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima o ya go amogela Poreisi ya Havenga ya Disaense tsa Kalafo go tswa mo Akateming ya Bosaense le Botsweretsi.
Moprof. Nico Malan wa Sekolo sa Fisioloji, Phepo le Disaense tsa Tiriso ya dilo tsa mo gae mo khampaseng ya Potchefstroom a re: Gase sesupo sa bokgoni ba maemo fela. Ke go mo lebogela le matsapa a a ileng a a tsaya go ribola ga kitso ya go fepa ga batho. Re mo lebogela maemo a a ileng a a tsaya mo gae le mo boditšhabatšhabeng.
Moprof. Vorster o gatisitse palo e e fetang makgolo a le mabedi ya diathikele mo dimakasining tsa bosaense. O ne a etetse pele le baithuti ba somamabedisupa ba ba weditseng dithuto tsa bone tsa bongaka. Fa re balela dilo tsotlhe tse re mmona a le motho yo a neng a tseela tiro ya gagwe matsapa, a e wetsa ka kelkotlhoko le ka maemogodimo a bobatlisisi.
Ke tokololo ya dikomiti tse di malwa tsa bodtšhabatšhaba le ditlhopha tse di lekang go tsweletsa pele phepo ya batho mo lafatsheng ka bophara go tokafatsa boitekanelo jwa bone. O setse a tlhomilwe ga raro mo Thulaganyong ya Boitekanelo ya Lefatshe (TBL / WGO) le mo Thulaganyong ya Dijo le Bolemirui (TDB ka SeesemaneFAO). Ke gantsi ba mo laletseng go nna mmui kgotsa moeteledipele wa dikopano mo gae le mo lefatsheng ka bophara. Ditaletso tse ke bopaki ba gore boitseanape jwa gagwe ke bo bo tseneletseng le gore o dirile patlisio ya maemo malebana le phepo le fisioloji mo Aforika Borwa.
Poreisi ya Havenga ke sekgele se se tlotlang ngwaga le ngwaga boitseanape ba dipatlisiso mo disaeneng tsa tlholego le mo botekeniking. E abelwa mo dirutweng di le robedi ka tefosano. Tsone ke: Thuto dipalo, fisika, dithuto tsa bongaka (ngwaga wa ntlha) thuto ya dikhemikale, boenjineri, thuto ya go aga (ngwaga wa bobedi), geoloji le disaense tsa bolemirui (ngwaga wa boraro).
Se se batliwang ke batlhatlhobi fa ba tlhatlhoba batsayakarolo sa ntlha ke dikgatiso tsa diathikele mo dmakasining tsa bosaense le patlisiso. Sa bobedi ba beile leitlho mo go tsweletseng pele ga puo ya Aforikanse go rotloetsa thuto ya dirutwa ka leleme la Aforikanse.
<fn>NWU-NEWS. News108.2009-12-02.tn.txt</fn>
Moprof. Marlene Verhoef, Daerektara ya Bokaedi ba Maleme mo Setheong, wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima le rre Johan Blaauw, tlhogo ya Tirelo ya Maleme ba ya go tshwarela karolo ya Mokgatlho wa Barutabana ba Aforika Borwa kwa Ermelo mo Mpumalanga kopano ya maatlafatso. Ba ya go bala pego mo kopanong ka ga bokgoni ba tirelo ya go ka toloka mo dikolong. Kopano e ya go nna teng fa Seetebosigo a tlhola letsatsi la somerobong.
Pego e e bakilwe ke e nngwe ya diporojeke mo go tse pedi tse di simolotsweng go thusa ditlhopha tsa ka kwa ntle. Ke diporojeke tsa Bokaedi ba Maleme tsa YBB. Ba tshwargane le diporojeke tse pedi, e nngwe mo Sekolong se se Phagameng sa Frikkie Meyer kwa Thabazimbi le e nngwe gape mo Kholetsheng ya Bolemirui mo Potchefstroom. Mo sekolong sa Frikkie Meyer mo Thabazimbi go rutiwa ka Seaforikanse mme go tolokiwa ka seesemane.
Porojeke e simolotse fa tlhogo ya sekolo rre Deon Azar o ne a etetse kopano e e neng e tshwaretswe botlhe mo YBB. Mo kopanong e Lefapha la Bokaedi ba Maleme ba ne ba tolokela batlakopanong. Ke mo a lemogileng gore tsela e ya ga tsamya ka maleme e tla tlela sekolo sa gagwe mosola.
"Maikaelelo ka porojeke e ya maiteko mo sekolong sa Frikkie Meyer mo Thabazimi ke go netefatsa gore go na le ditsela dife tsa go ka tolokela barutwa le gore seabe sa botoloki ke sefe mo thutong. Se ya go thusa jang fa barutwa ba maleme a le mnatsi a kopanetse thuto" ga rialo ke Moprof. Verhoef.
Re Azar yo a yang go nna teng mo kopanong ya maatlafatso le Moprof. Verhoef le rre Blaauw o tlhalosa tirelo e ka tsela e e latelang: Ke dumela gore mokgwa o wa go toloka o ka thusa go rarabolla mathata a a lebaganeng le bolemibontsi mo thutong. Mokgwa o, o tla tshegetsa barutabana mo dikolong tsa kwa tlase le mo dikolong tse di phagameng.
Mo porojekeng ya maiteko mo Kholetsheng ya Bolemirui mo Potchefstroom, go tolokelwa dikhoso tsotlhe tsa ngwaga wa ntlha le dirutwa tse dingwe mo ngwageng wa bobedi go tloga mo tshimologong ya ngwaga. Mo ngwageng o o tlang tirelo e, e ya go fetisetswa mo dirutweng tsotlhe. Puo e e dirisiwang ke motlhatlheledi e tla baka puo e go tla tolokiwang mo go yone. Go raya gore dirutwa tse dingwe di tla tswelela ka puo ya Seaforikanse fa tse dingwe di tla tswelela ka puo ya seesemane mme tsa tolokiwa.
Mo YBB go dirisiwa mokgwa wa go tolokela mongwe ke mongwe mme go dirisiwe le batoloki ba ba leng mo katisong mo dikopanong tsa dithuto. Ka palo go na le 25 ya batoloki le palo ya 20 ya batshegesti mo khampaseng ya Potchefstroom. Mo Potchefstroom go tolokelwa dikopano tsa dithuto tsa palo ya 300 fa kwa Vaal Triangle go tolokiwa ke batoloki ba bane mo dikopanong tsa dithuto tsa palo ya 30.
Gone jaanong jaana go lebelelwa gore go ntse jang mo Khampaseng ya kwa Mafikeng.
Foto: Rre Johan Blaauw, tlhogo ya Tirelo ya Maleme le Moprof Marlene Verhoef, Daerektara: Bokaedi ba Maleme Setheo, YBB.
<fn>NWU-NEWS. News109.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Porojeke e e tseneletsweng ke setlhopha sa batlhatlheledi ba Yunibesiti ya Bokone-Bophirima, e ka thusa go boloka ditlhare tse di itsegeng tsa diouku mo Seterateng sa Tom mo Potchefstroom.
Moprof. Sarel Celliers , moekholoji wa metseseteropo wa Sekolo sa Disaense tsa Tikologo le Tlhabololo mo Fakalthing ya Disaense tsa Tlholego mo khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima le batlhatlheledi ba bangwe ba itshwenya ka porojeke e e yang go tsamaya dingwaga di le tlhano go netefatsa maemo a fisioloji ya ditlhare tsa diouku. O ya go tshegetswa ke baithuti ba Thutodimelwa ba dikerii ya matseno le badiri ka ene ba le babedi ebong rrengaka dr Riekert van Heerden le moprof. Gert Kruger.
Ditlhare tsa diouku di bopelwa ke tlhabololo ya metsesetoropo ka di sa tlhole di bona metsi jaaka pele. Mabala a magolo mo go beilweng ditselanathoko teng fa tlase ga ditlhare le go beletsa ga mmu wa teng go dirile gore matlhare a a gogang metsi a fokotsege le go ka gola le go mela ga ditlhare go sa kgonege ka tshwanelo.
Moprof. Sarel Celliers a re: Morago ga ngwaga o le mongwe fela re setse re lemoga gore go goga ga metsi go tswa mo matlhareng go setse go fetogile go nna botoka. Se se diragala mo ditshingwana di okeditsweng teng.
A re go bonagala sentle gore ditlhare di tlhaselwa ke malwetse le ditshenekegi jaaka makeke le dinta tsa matlhare fa di le fa tlase ga kgatelo ya go mela.
Moprof. Cellirs o bona gore ditlhare di ka bolokwa fa go tlile phetogo ya mafelo mo di melang teng. Se se tla lemogwa fa go yo go ntshiwa dipheetso tsa patlisiso e ba leng mo go yone malebana le ditlhare.
Yunibesiti ya Bokone-Bophirima, Mmasapala wa Potchefstroom le batho ba ba ratang poloko ya ditlhare le tikologo ba emane nokeng go boloka ditlhare tse ka di na le kabelo e kgolo mo historing ya toropo.
<fn>NWU-NEWS. News11.2009-12-02.tn.txt</fn>
Mekgothana e e didimetseng mo Yunibesithing ya Bokone-Bophirima e tla tloga e nna selo sa nako e e fetileng fa go swetswa ka ga pina ya Yunibesithi e ntšhwa. Thulaganyotsela ya go batla pina ya setheo e simolotswe ka Seetebosigo, go na le baemedi go ralala Yunibesithi yotlhe mme ba tlhophilwe go nna phanele ya go ka swetsa ka ga pina e e matshwanedi. Go ne ga nna ditherisano tse di tseneletseng le bakgatlhegedi ba ba farologaneng mme e rile morago ga dipuisano le go akanya go go tseneletseng gammogo le go opela go go rileng, ga kwalwa dikakanyo di le mmalwa.
Dikakanyo tse di ne tsa diragadiwa ke setlhopha sa tiro go panele e e neng e akareditse batlhami, bakwadi ba dinnoto le bagakolodi go tswa kwa dikhampaseng tsotlhe. Ba ne jaanong ba thala lenane le le khutshwane la ditsela tse pedi. Batlhami ba ba farologaneng jaanong ba tla nolofatsa ditsela tse pedi tse. Go ya ka Awie van Wyk, ditshitsinyo tse ntle tsa mongwe wa batlhami di ne tsa tlhagisiwa kwa setlhopheng sa tiro, mme di tla tsenngwang mo pineng e. "Re tla laletsa baithuti le badiri go tswa kwa dikhampaseng tsotlhe go reetsa dipina tse (le go opela mmogo le ba bangwe fa ba batla) mme morago go tla tsewa tshwetso ya bofelo".
<fn>NWU-NEWS. News110.2009-12-02.tn.txt</fn>
Rrengaka dr. Theuns Eloff o etetse Thuto e e Phagameng kwa pele
Rrengaka dr. Theuns Eloff o etetse Thuto e e Phagameng kwa pele
Rrengaka dr. Theuns Eloff, Motlatsa-Mokansaliri wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima o tlhophilwe a sa emelwa go nna moeteledipele wa Thuto e e Phagameng ya
Aforika-Borwa (TPAB / HESA Hoër Onderwys Suid-Afrika). O tlhophilwe mo kopanong ya pitsokakaretso fa letsatsi la somerobong le tlhola mo kgweding ya Seetebosigo.
Rrengaka dr Eloff, o ne a le motlatsa-modulasetulo wa TPAB / HESA mo dingwageng tse pedi tse di fetileng. Fa letsatsi la ntlha le tlhola mo kgweding ya Ferikgong ka 2008 o ya go tsaya boeteledipele mo go Moprof. Barney Pityana yo a leng Morektoro wa Unisa.
"TPAB / HESA e tsaya karolo e e botlhokwa mo go abelaneng ga kitso ya ditsamaiso tse di lolameng, thata-thata mo karolong ya taolo le tsamaiso ya akatemi," ke mafoko a ga Rrengaka dr. Eloff.
O dumela gore boitaolo bone bo botlhokwa thata. Se se thusa gore taolo ka molao e sa batlege. Taolo ka molao e ngotla boitaolo le kgololosego ya diyunibesiti. Ke ka moo diyunibesiti di itaole ka botsone mo ditabeng jaaka melawana ya akatemi le dituelo go batsamaisi ba bagolo ba yone.
O dumela gore YBB le yone e tla boelwa ke mosola mo go tlhomeng ga gagwe go nna modulasetulo. Go tla thusa gore yunibesiti e fokelwe ke dikakanyo ebile go tla thusa gape gore e kgone go ipaakanyetsa pele. Se se tla kgonega ka yunibesiti e tlabo e emetswe ke tokololo ya tsamaiso mo TPAB / HESA e leng setlhongwa sa semmuso.
Rrengaka dr. Eloff a re, "Golo fa go baya yunibesiti mo maemong a kwa pele a tshedimosetso le a tirisanommogo. Mo letlhakoreng le lengwe yunibesiti e rweswa boikarabelo bo bogolo ka jaanong e le mo pepeneneng mme e tshwanetse ya netefatsa gore tsotlhe tsa yone e leng dithulaganyo le ditsamaiso di nne tsa maemo godimo.."
O rile TPAD / HESA ke felo fa go kopanang batlatsa-mokansaliri teng mme ba suge mathata a thuto e e phagameng mo Aforika-Borwa. "Go botlhokwa gore re nne le tshegetso ya Lefapha la Thuto le Tona ya Thuto. Mo malatsing a a fetileng o ne a tshwaela ka ga tswelelopele ya lephata le boeteledipele mo go lone. Thuto e e phagameng e tshwanetse ya tsaya karolo e kgolo mo matlhakoreng otlhe a bophelo mo Aforika-Borwa. Go netefatsa gore tsotlhe tse di diragale re tshwanetse ra baya dipelo tsa rona mo dikutlwanong mo gare ga Lefapha la Thuto, bagwebi le setshaba ka bophara."
Komiti e ntšha e e tlhophilweng e e yang go ema Rrengaka dr. Eloff mo nokeng go tloga letsatsi la ntlha le tlhola mo kgweding ya Ferekgong ka 2008 ke: Moprof. Errol Tyobeka, Morektoro wa Yunibesiti ya Teknoloji ya Tshwane (TUT), e le motlatsa-modulasetulo, Moprof. Loyiso Nongxa, Morektoro wa Yunibesiti ya Witwatersrand, Moprof. Rachel Gumbi, Morektoro wa Yunibesiti ya kwaZulu, Moprof. Vuyisa MazwiTanga, Morektoro wa Yunibesiti ya Teknoloji ya Kaapse Skiereiland, le Rrengaka dr. Saleem Badat, Morektoro wa Yunibesiti ya Rhodes.
Go tsaya bodulasetulo ba ga Rrengaka dr. Eloff bo tla khutla fa go tlhola letsatsi la masotharongwe mo kgweding ya Sedimonthole 2009.
TPAD / HESA e tlhomilwe fa go ne go tlhola letsatsi la masopedirobedi mo kgweding ya Motsheganong 2005. E emetse diyunibesiti tsotlhe le diyunibesiti tsa teknoloji mo Aforika-Borwa, tse di leng somamabediraro ka palo.
Setshwantsho: Rrengaka dr Theuns Eloff, Motlatsa-Mokansaliri wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima.
<fn>NWU-NEWS. News111.2009-12-02.tn.txt</fn>
Katologo ya diranta tsa dimilione di le pedi mo khampaseng ya Mafikeng.
Katologo ya diranta tsa dimilione di le pedi mo khampaseng ya Mafikeng.
MAFIKENG - Gautshwane le kago ya Boitekanelo ba diphologolo le diruiwa go baakantswe lebala go aga kago e ntšha. Mo lebaleng le go ya go agiwa Sentara ya diranta tsa dimilione di le pedi. Ke Sentara ya Disaense tsa Tiriso Phasalalo le Teknoloji ya teng. Ke tlhabololo e e tlhagafatsang le e e neng e tlhokega thata mo khampaseng ya Mafikeng.
Porojeke ya go aga kago e, e simolotse semmuso fa go ne go tshwerwe kopano ya go peta mmu wa motheo mo go yang go agelwa teng. Kopano e e ne e tshwerwe fa letsatsi la somamabedingwe le tlhola kgwedi ya Seetebosigo 2007. Bathapiwa ba le bantsi ba ne ba tlile mo kopanong e, bontsi jwa bone e ne e le ba ba neng ba tswa mo Disaenseng tsa Bolemirui le Teknoloji. Go ne go tlile le ditokololo tse dikgolo, mo go bone go ne go na le Morektoro wa khampase ya Mafikeng Moprof. Dan Kgwadi, modini wa fakalti Moprof. Michael McPherson, motsamaisi wa sentara Moprof. Van der Linde le motsamaisi wa Tlhaeletsano le Kgwebo Rre Sam Motabogi.
Moprof. Van der Linde o ne a eme kopano ka mafoko. O ne a lebogela batsamaisi ka matsapa a ba ileng ba a tsaya go tsweletsa porojeke e go aga sentara e e neng e batlega. O ne a nopola mo kuranteng mo go neng go tlhalosiwa gore Aforika Borwa mo dingwageng tse somamabeditlhano tse di tlang e ya go tsholetsa tiriso ya motlakase go nna gabedi ga o o dirisiwang jaanong. Diphesente di le 25 tsa motlakase o tla tswa mo tirisong ya motlakase wa kerene. Go raya gore diyunibesiti di tshwanetse tsa katisa baithuti mo kitsong e gore ba kgone go tsenelela intaseteri e. Moprof. Van der Linde o tshepisitse botlhe gore o tla tsaya seabe go atolosa sentara e ya SDTPTV / CARST gore e nne e e kumang.
Mo puong ya gagwe Moprof. McPherson o rile SDTPTV / CARST e ya go nna le seabe se segolo mo fakalting ya bone. Ba ya go boelwa ke madi go tswa mo baithuting le mo tirisong ya dilaboratorio ke diintaseteri tsa ka kwa ntle ga yunibesiti. O ne a re seabe se segolo sa senatara ke kitso e e tseneletseng e e tlisiwang ke bathapiwa ba fakalti. Go atolosa sentara go tla tshwanela go bonwe bathapiwa ba bangwe gape.
Morektoro wa khampase Moprof. Kgwadi o ne a re, go aga ga kago ya SDTPTV / CARST ke sesupo sa gore khampase e tlhabololwa ka potlako. Go aga ga sentara e tla nna porojeke e e botlhokwa ya go atolosa khampase mo dikgweding tse somerobedi tse di tlang. Diporojeke tse dingwe di akaretsa, go agiwa ga bodulo ba baithuti kgato ya bonne, go agiwa ga sentara ya baithuti, e go tlotliwang thata ka ga yone le katoloso ya mafelo a katiso le boitapoloso.
Sentara ya SDTPTV / CARST e tla agiwa ka ditlhakore tse nne, ya ntlha yone e ya go bitsa diranta di le dimilione tse pedi. Batsamaisi ba setse ba dumetse go reka didirisiwa tsa tlhwatlhwa ya milione le hafu ya diranta. Diintaseteri tsa sephiri le tsone di tla abela milione le hafu ya diranta. Fa go ya ka dithulaganyo tlhakore ya ntlha e tla fetswa Ngwanatsele wa 2007. Ditlhakore tse dingwe di tla agiwa mme tsa wediwa mo dingwageng tse pedi tse di latelang.
Go tswa molemeng Moprof. Dan Kgwadi, Morektoro wa khampase ya Mafikeng, Moprof. Michael McPherson, modini wa fakalti, Disaense tsa Bolemirui le Teknoloji ya teng, Moprof. Hendrik van der Linde motsamaisi wa Sentara ya Disaense tsa Tiriso ya Phasalalo le Teknoloji ya teng (SDTPTV / CARST) le mmengaka dr. Nandi Bumba wa SDTPTV / CARST le ene.
<fn>NWU-NEWS. News112.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Mongwe wa babatlisisi ba baša mo khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophrima (YBB) o amogetse tlotlo go tswa mo go International Union for Pure and Applied Physics (IUPAP).
Rrengaka dr. Stefan Ferreira, motlhatlheledi yo mogolo mo fisika o ya go amogela kabelo e ya babatlisisi ba baša mo tshimologong ya kgwedi ya Phukwi. E ya go mo abelwa fa go bulwa kopano ya bosomamararo mo konferenseng e e yang go tsenela go sekaseka marang a bolefatshe kwa Mexiko.
Kabelo ya IUPAP e tlhomilwe ka ngwaga wa 2006 go tlotla babatlisisi ba baša ba disaense ba ba dirileng dipatlisiso mo teng ga dingwaga di le robedi mme ba setse ba amogetse dikeree ya bongaka ya bone. IUPAP e simolotse ka ngwaga wa 1922 mo Brussels. Maikaelelo a mokgatlho o ke go bopa tirisano mmogo mo fisika le go tsweletsa pele dipatlisiso le dithuto tsa yone.
Mo ngwagang o o fetileng Rrengka dr. Ferreira o amogetse kabelo ya mopresidente ka dipatlisiso tsa gagwe mo Setlhonngweng sa Bosetšhaba. (SB / NNS Nasionale Navorsingstigting). Ke kabelo go babatlisisi ba baša ba ba ka ka tswelelelang go nna baeteledipele mo felong fa ga dipatlisiso. Kabelo ya mofuta o e fiwa babatlisisi ba se bakae mo lefatsheng la rona.
O simolotse patlisiso ya gagwe ka popelelo ya dipalo le tsamaiso ya dikarolwana tse di tlhatlheletsweng (marang a bolefatshe) tse di leng fa tlase ga taolo ya tikologo ya letsatsi. Tikologo e ya letsatsi e itsegwe e le "tikologo ya helio / heliosphere" . Patlisiso e akaretsa le phetogo ya maikatlapelo a dielektrono tsa Jupitara. Seabe sa letsatsi, seabe sa dipoelo tsa botlhaga ba letsatsi mo go tsweletseng ga marang a bolefatshe le go tabogisa ga dikarolwana mo kgaolong ya tshoganyetso mo phefong e bakwang ke letsatsi.
Rrengaka dr Ferreira, mo dingwageng tse di fetileng o mo porojekeng e e batlisisang ka ga go bopa ga dinamika ya metsi le popo ya yone ya tikologo ya helio mo a tseneletseng dipatlisiso le babatlisisi ba kwa Jeremane. O tlhola a le tirisanommogo le ditlhopha tsa babatlisisi ba moseja ga mawatle. Bone ke Thomo ya Ulysses ya Boagente ba Loapi ba Yuropa (ESA) le Thomo ya Voyager 1 le 2 ya Boagente ba Loapi ba Amerika NASA).
Ene o bona Moprof. Marius Potgieter a le mmatlisisi yo a ka mo salang morago, e le sekao sa moitseanape go ene. Moprof. Potgieter e ne e le mokaedi mo dithutong tsa gagwe tsa bongaka mme ba santse ba dirisana mmogo le gompieno. Ene Moprof. Marius Potgieter ke mmatlisisi yo o tlotlegang wa maemo yo a setseng a bone maemo a A ka dipatlisiso le ka kitso ya gagwe.
Ka ngwaga wa 1993 Rrengaka dr. Ferreira e ne e le moithuti wa ngwaga wa ntlha, ka nako eo e neng e istege e le Yunibesiti ya Thuto e e Phagameng ya Sekresete ya Potchefstroom. A tswelela a bona dikeree ya gagwe ya BSc., dikeree ya mastase le dikeree ya gagwe ya bongaka. O simolotse ka ngwaga wa 2000 a le motlhatlheledi yo mmotlana, morago ga dingwaga tse pedi a nna motlhatlhledi yo mogolo. Mo ngwageng wa 2002 o ne a tseneletse dipatlisiso tsa dikgwedi tse thataro mo Yunibesiting ya Ruhr, kwa Bochum mo Jeremane.
Rrengka dr. Stefan Ferreira, moša yo mongwe wa ba baša , wa babatlisisi ba khampase ya Potchefstroom ya YBB yo a amogetseng tlotlo ya bolefatshe
<fn>NWU-NEWS. News113.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Mongwe wa babatlisisa ba maemo ba Fakalti ya Thutobomodimo o tlhagisitse buka ya borobedi ya gagwe.
Buka ka setlhogo sa Christian attitude in the South African liberal democracy ya ga Moprof Koos Vorster, mokaedi wa Sekolo sa Bonetsetshi ba Kereke mo Khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e tlhagisitswe mo malatsing a a fetileng.
Mokwadi o ne a gapilwe maikutlo ke gore Bakeresete ba tshwanetse ba bontshe mowa wa Keresete mo maphelong a bone. Go seka ga nna fela jalo mo maphelong a bobone mme go nne jalo le mo maitshwarong a setshaba ka bophara mo Modimo a ba beileng teng. Ke ka moo bokao ba lefoko la "attitude" bo le botlhokwa mo setlhogong sa buka.
Buka e e tlhagisa go bidiwa ga modumedi go tswa mo leseding la bokresete mo tikologong e ntšha ya ngwao, yone ya temokerasi ya pelo e ntle. Moprof. Vorster o tlhalosetsa babuisi ka dikakanyo tse di itshekileng tsa bonetetshi le ka mokgwa wa go ka tlhaloganya sentle ka ga dintlha jaaka, popo ya setshaba, tlhabololo ya lefatshe, phokotso ya bodidi, kgato ya tokafatso, bothapiwa, tiro, kgwebo, boitaolo ba tumelo, phemelo ya bana, bong le dikarolo tse kereke e ka di tsayang mo dilong tsotlhe tsa bophelo ka kakaretso.
Moprof Vorster e setse e le mokwadi wa dibuka tse robedi. O setse a tlhagisitse diathikele tsa palo ya 65 mo diphasalatsong tse di dumetsweng tsa bonetetshi. O na le gape maemo a go ba mmatlisisi yo a tlhatlhobilweng wa Setheo sa Patlisiso sa Setshaba (SPS). Ka seaforikanse ke Nasionale Navorsings-stigting. NNSO. Mo malatsing a a fetileng o sa tswa go tlotliwa e le mmatlisisi yo a gatisitseng diathikele tsa bonetetshi go gaisa botlhe mo Khampaseng ya Potchefstroom ka ngwaga wa 2005.
Baphasalatsi ba Thutobodimo ba Potchefstroom ba phasalatsa dibuka tsa bonetetshi tsa thutobomodimo fa di sena go tlhatlhobiwa ke baitseanape ba ba leng mo gae le ba ba leng kwa moseja ga lewatle. Dikereke tsone tsa Gereformeerde di duelela ditshenyegelo tsa diphasalotso tsa teng.
Moprof. Ben de Klerk (mojeng), Morektoro wa Sekolo sa Thutobomodimoo neela mokwadi, Moprof. Koos Vorster buka e a e kwadileng.
<fn>NWU-NEWS. News114.2009-12-02.tn.txt</fn>
MAFIKENG - Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) e ne e kwadisitse bathuti ba le 600 ba boemo ba lesomepedi (matriki) go tswa mo dikolong tse di rileng go tswa mo porofenseng ka bophara go tsenela Sekolo sa Mariga se se neng se tshwaretswe mo go bone, mo Khampaseng ya Mafikeng.
Porojeke e simolotse mo ngwageng o o fetileng ka baithuti ba le 331 ka palo. Kgolo mo palong ya baithuti monongwaga e bontsha kgolo e e tswelelang pele ebile ke netefatso ya gore bokamoso jwa baithuti bo sekegelwa tsebe. Mo tikologong ya Bophirima fela kgolo ya baithuti ba ba neng ba tseneletse Sekolo sa Mariga ke diphesente di le masome a mararo (30%) fa e bapisiwa le ya ngwaga o o fetileng.
Ka go beiwa matlho mo mathateng a a leng teng mo dikhosong le go a rarabolola, baithuti ba thusiwa mo matlhakoreng a le mantsi. Sa ntlha baithuti ba thusiwa go ipaakanyetsa ditlhatlhobo tse di ba lebileng. Sa bobedi ba thusiwa go ka bona dipholo tse di tla ba letlelelang go ya kwa diyunibesiting. Dikhoso tse ba katisiwang mo go tsone ke Dipalo, Saense ya Bonetitshe, Bioloji, Bolemirui, Thutafatshe, Dithutapalo, Ekonomi le Ekonomi ya Kgawebo. Gape go lebelelwa le dilo tse di amaneng le bophelo ka bophara jaaka boeteledipele, mekgwa ya go ithuta le go ka dira ga ditshobokanyo tsa dithuto tsa bone.
Porojeke e eme fa tlase ga taolo ya ga rre Ngoako Malatji. O thusiwa ke bafatlhosi ba le 14 ba ba itseng tiro ya bone. Rre Malatji a re: "Porojeke tse di fa baithuti mabaka a go ka ipaakanyetsa se se ba lebileng e le dipholo tsa bone tsa matriki. Gape ba fatlhosiwa gape ka ga dilo tse di leng botlhokwa go bone mo matshelong a bone. Gape ke lebaka la go bona gore go diragala eng mo yunibesiting le gore gtsamaiwe jang go ka bopa botsalano mo gareng ga bone."
Go bonagala sentle gore baithuti ba ba neng ba tseneletse dikhoso mo Sekolong sa Mariga ba itumetse ka se ba se boneng mo dikhosong. " Re ne re le kwa morago mo disilabaseng tsa rona ka go ne go tshwerwe setraiki se re se boneng mme jaanong re setse re kgonne go wetsa ditlhokego tsotlhe tsa disilabase" ke one mafoko a ga Kgomotso Mogashane, wa dingwaga di le 17 wa Sekolo sa Sekontari sa Sol Plaatje.
<fn>NWU-NEWS. News115.2009-12-02.tn.txt</fn>
Ekonomi ya mo gae e beilwe leitlho le le ntšhotšho.
Ekonomi ya mo gae e beilwe leitlho le le ntšhotšho.
VANDERBIJLPARK - Khampase ya Vaaldriehoek ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) , gammogo le Lekgotla la Tikologo ya Sedibeng di ya go batlisisa ka ga bokgonegi ba gore go nne tlhabololo ya intastari mo tikologong ya teng.
Tlhabololo e di e lebileng e ya go baya leitlho mo go tsweletseng pele ga ditlhophana tsa ekonomi (clusters) mo tikologong ya ekonomi ya yone ya selegae. Kabelo ya R100 000, e le e e bonagalang e le e kgolo, go tswa kwa Malesela Taihan Electric Cable(M-Tec) kwa Vereeniging e tla dirisiwa go duelela patliso mo porojekeng e. Ka kabelo e, mokgatlho wa M-Tec o netefatsa maikaelelo le kgolagano ya go beela ga madi mo kutlwanong mmogo le ya selegae.
Setlhopha sa porojeke se etetswe pele ke Rrengaka dr. Wynand Grobler le rre Leonard van Vuuren ba ba leng bathapiwa mo Khampaseng ya Vaaldriehoek ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima. Go ya ka bone kemo ya ekonomi e e leng teng jaanong gongwe e bakiwa ke go nna teng ga bogolo ba ditirelo tsa ekonomi e e itheileng mo metswedithusong ya yone. Ditirelo tse di itsegwe e le tsa dikhampani tse dikgolo mo ekonoming ya selegae tsa madi a le mantsi mme go se na kamano mo gareng ga tsone.
Maikaelelo a porojeke e ya patlisiso ke go batlisisa ka ga go tlhomiwa ga tlhabololo ya setlhopha sa itastari ya tshipi ya setala mo Vaaldriehoek. Kgwetlho e kgolo e e tshwanetseng ya sekegelwa tsebe go ya ka Rrengaka dr. Wynand Grobler ke go tlhaola le go dira gore go nne teng ga felo fa go ka tsweletswang dikgwebo tse dinyane , tsa bogolo ba bogare le tse di potlapotlana (DDBBP) Ka go dira jaana go tla bo go bonwa diphatlhatiro go fokotsa go sa nne teng ga tsone.
Mo ga abeleng ga R100 000 go ne go na le go tswa mo molemeng, Rrengka dr, Wynand Grobler (Sekolo sa Dithuto tsa Ekonomi, mo Khampaseng ya Vaaldriehoek) le rre June-Young Hah (M-Tec) le rre Tielman Slabbert (Sekolo sa Dithuto tsa Ekonomi, Khampase ya Vaaldriehoek).
<fn>NWU-NEWS. News117.2009-12-02.tn.txt</fn>
Ma-Aforika-Borwa a mabedi a etetse Mokgatlho wa Diyunibesiti tsa Kgweranaditšhaba pele.
Ma-Aforika-Borwa a mabedi a etetse Mokgatlho wa Diyunibesiti tsa Kgweranaditšhaba pele.
Ma-Aforika-Borwa a mabedi a tlhomilwe e le baeteledipele ba Mokgatlho wa Diyunibesiti tsa Kgweranaditšhaba (Association of Commonwealth Universities - ACU). Fa go tlhola letsatsi la masomamabedi e le Labotlhano mo kgweding ya Seetebosigo mo ngwaganeng wa 2007 ya nna fa moprof. Brenda Gourley, mo-aforika-borwa yo jaanong a le Motlatsa-Mokansaliri wa Open Yunibesiti wa Mafatshe a a Golagantsweng, pele a le Motlatsa-Mokansaliri wa Yunibesiti ya Natal a tlhophiwa go nna Moeteledipele wa teng mme ya nna le fa Rrengaka dr. Theuns Eloff, Motlatsa-Mokansaliri wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima, a kgethiwa go nna Motlatsa-Modulasetulo.
Mokgatlho o wa MDK (ACU), o o tlhomilweng ka 1913, ke kgolagano ya diyunibesiti e e fetang dikgolagano tsotlhe tsa lefatshe ka dingwaga. E emetse diyunibesiti tse di ka nnang palo ya 500 tsa Kgweranaditšhaba. Maikaelelo a Mokgatlho o ke go godisa le go tsweletsa pele tirisanommogo ya boditšhaba le kutlwano mo dithutong tse di phagameng mo Mafatsheng a Kgweranaditšhaba.
Rrengaka dr. Eloff, yo a sa tsweng go tlhophiwa go nna modulasetulo wa Thuto e e Phagameng ya Aforika-Borwa (HESA) o beile leitlho la gagwe kwa pele, kgatlhano le kgwetlho e e tlisitsweng ke go ka tlohphiwa. O go bona e le tlotlo - go ene ka boene le go thuto e e phagameng ka bophara mo Aforika-Borwa.
O dumela gore MDK (ACU) ka boyone, le ditheo tsa thuto tsa maemo a boraro mo lefatsheng ka bophara, di ka tlisetsa botho ka bophara mo lefatsheng mosola wa maemogodimo mo bophelong. A re: "Ka go neela lefatshe bawetsidithuto ba maemo a bokgoni, ba ba ka kgonang go naganela matlhakoreng otlhe le ka matlho a a lebelelang ka mokgwa o o tseneletseng, le ka dipatlisiso le dintšhafatso tsa maemo godimo, diyunibesiti mo bophareng ba lefatshe di ka tsaya seabe se segolo mo go boneng ga tharabololo ya mathata a a lebileng lefatshe la segompieno."
Go tlhophiwa ga gagwe go nna motlatsa-modulasetulo wa MDK (ACU) go tla thusa go baya thuto e e phagameng mo pepeneneng. Se se tla diragala mo dikarolong tsa tshedimosetso, kgolagano ya ditiro, thata-thata le mo go itekanyeng le ba bangwe mo maemong a bolefatshe.
"Go inyalana le ba bolefatshe, thata-thata kgolagano ya ditiro, le go bopa ga dikgolagano tse di leng mosolo-togamaanong le diyunibesiti mo lefatsheng ka bophara ke e nngwe ya dintlha tse di botlhokwa mo go tse dintsi tse thutogodimo e di lebileng. Mo leseding la dilo tsotlhe tse, kamano ya me le MDK (ACU) mo ke leng motlatsa-modulasetulo go ka boela thuto e e phagameng ya Aforika-Borwa mosola o mogolo."
Go tsenela tiro e ya ga Rrengaka dr. Eloff go setse go simolotse letsatsi le fa a sena go tlhophiwa. Nako ya gagwe ya go rwala boikarabelo bo e tla nna dingwaga di le pedi.
Moprof. J McWha, Motlatsa-mokansaliri wa Yunibesiti ya Adelaide, o tlhophilwe go nna Ramatlotlo wa tlotlo wa MDK (ACU). Ditokololo tse di sa tsweng go tlhophiwa ba Komiti ya Tsamaiso ke baprof. K Mohandas, SS Katiyar, L Tsui, le DDA Razak.
Rrengaka dr Theuns Eloff, Motlatsa-Mokansaliri wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima.
<fn>NWU-NEWS. News118.2009-12-02.tn.txt</fn>
Setheo sa Bojelanala le Dithuto tsa Boitapoloso mo Khampaseng ya Potchefstroom mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima le batho ba ba nang le kgatlhego mo kgwebong ya digwapa ba ya go wetsa tlhotlhomiso e e fetileng tsotlhe esale, ya go tsomela digwapa monongwaga mo dikgweding tsa Phatwe le Lwetse.
Mo ngwageng wa 2005 tlhotlhomiso e e dirilweng fa gare ga ditokololo di le 18000 tsa Mokgatlho wa Batsomi le Basiriletsi-diphologolo ba Aforika-Borwa e bontshitse gore motsomedi-digwapa mongwe le mongwe o ntshitse R15752 ka setlha go ka ya go tsomela digwapa. Go bontshitse gore go tsomela digwapa go ne go na le tlhotlheletso ya R3150 mileone mo ekonoming ya setlha sa 2005.
Rrengaka dr. Peet van der Merwe wa Setheo sa Bojelanala le Dithuto tsa Boitapoloso le Ekonomi ya Diphologolo mo Khampaseng ya Potchefstroom a re: Tlhotlhomiso e ya 2007 e ya go feta tsotlhe tse di setseng di weditswe. Re ikaeletse go fetisetsa manane a dipotso a palo ya 50000 go mekgatlho yotlhe ya batsomi mo Aforika-Borwa.
E nngwe ya maikaelelo a tlhotlhomiso ke go netefatsa gore molao o montšha wa dibetswa o na le seabe sefe mo kgwebong ya botsomi. Mo matlhakoreng a mangwe go ya go lebelelwa tlhotlheletso ya ekonomi le gore ke dilo dife tse di leng botlhokwa go batsomedi-digwapa.
Nomoro ya mogala 018 2991812 / 1810 kgotsa romela e-poso go peet.vandermerwe@nwu.ac.za Link: mailto:peet.vandermerwe@nwu.ac.
<fn>NWU-NEWS. News119.2009-12-02.tn.txt</fn>
Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) e ipela ka dipatente tse thataro tse di fetiseditsweng mme tsa kwadisiwa mo Mafatsheng a a Kopaneng a Amerika. Se se dirang gore e nne semakatso sa bokgoni, ke gore maemo a go ka dira jaana fa go dirisiwang taolo ya Amerika teng go kgonwa fela fa maemo a le kwa godimo thata.
Ka ngwaga wa 2006 go kwadisitswe dipatente tse di feleletseng le tse di sa felelang tse robedi mo Ofising ya Dipatente ya Aforika-Borwa go tswa mo Khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima. Godimo ga kopo ya tse robedi tse go letleletswe dipatante tse tharo tse di neng di emetse go ka fetisiwa mme tsa abelwa boikwadiso ba tsone.
Khampase ya Potchefstroom e begile le dikopo ya dipatente tse thataro tsa bolefatshe. Se se dirilwe fa tlase ga taolo ya Kgolagano ya Boitseanape Tirisanommogo ya Dipatente (KTD) le Buro ya Boditshaba ya Mokgatlho wa Dithoto tsa Boitseanape kwa Geneva, mo Lefatsheng la Baswisi.
Go fitlheng ga felo fa le nako e, go setse go begilwe palo ya 39 ya kopo ya dipatente. Go ya ka dikopo tse di tlileng go tswa mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima mo mafatsheng a le 48 go na le tse di setseng di fetisitswe kgotsa tse di emetseng go ka kwadisiwa. Mo mafatsheng a go balelwa mafatshe a Yuropa jaaka Fora, Jeremane, Italia, Swisi, le Kopano ya Mafatshe a Amerika le mafatshe a mo Aforika jaaka Botswana, Kenia, Malawi, Namibia le Tanzania.
<fn>NWU-NEWS. News120.2009-12-02.tn.txt</fn>
Motlatsatona wa Thuto, mor. ME Surty, o buile le baamogeladibasari ba barutabana jaanong jaana, le barutabana ba bokamoso, le badiri le ditokololo tsa tsamaiso ba Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ka 13 Phatwe 2007 ka mo Ouditoriamo ya Khampase ya Potchefstroom. Se e ne e le karolo ya letsholo Lefapha la Thuto la porokerama ya dibasari ya Fundza Lushaka le letsholo la go ka tlhotlheletsa batsha ba Aferika-Borwa go nna barutabana.
"Palo e kgolo ya baithuti ba barutabana ka mo YBB e ema nokeng nnete ya gore re bona katiso ya barutabana e le botlhokwa thata" ga bua rrengaka dr. Theuns Eloff, Motlatsakanseliri wa YBB, ka nako e.
"Palo e e fetang 3000 ya baithuti ba barutabana ba ba tsenang dithuto ka mo khampaseng ka 2007 e dira gore YBB e ipone kemo ya yone mo diyunibesiting tse di kwa godimo tse tlhano mo Aferika Borwa mme fa re lebelela palo ya 12 000 ya baithuti ba barutabana ba ba ithutang go tswa kwa kgakala le ba e leng ba nakwana, YBB ke setheo se se fanang ka barutabana ba ba rutilweng ka go tsenelela mo lefatsheng la rona se segologolo morago ga Unisa."
"Maikaelelo a porokerama ya dibasari ya Fundza Lushaka ke go tlhomamisa gore tlhokego ya setšhaba ya barutabana ba siameng ba a theleswa," ga bua Motlatsatona Surty.
Porokerama ya dibasari ya Fundza Lushaka, e mo go yone dimeleone tsa diranta tsa R7,2 e e betswe YBB mme se se raya gore baithuti ba barutabana ba ka ithuta kwa ntle ga go tshwengwa ke dikgang tsa madi.
Jaanong jaana go na le batsholadibasari ba ba 205 ka mo YBB. Basari ya Fundza Lushaka e emela ditshenyegelo tsa moithuti tsa go ikwadisa, dithuto, dibuka, madi a thwalo le o dula mo marobalong kapa mo madulong a a dumeletsweng mme le dijo.
Go tswa mo molemeng go na le Mor.H Motara, Motshwarelamokaedi wa Tikologo: Lefapha la Thuto, Tikologo ya Borwa, Porofense ya Bokone-Bophirima; Rrengaka dr T Eloff, Motlatsakanseliri, Yunibesiti ya Bokone-Bophirima, Moporof. ND Kgwadi, Moreketoro wa Khampase ya YBB-Mafikeng, Mor. Surty, Motlatsatona wa Thuto, Moporof.PJJ Prinsloo, Moreketoro wa Khampase ya YBB-Vaaldriehoek, Moporof. AL Combrink, Moreketoro wa Khampase ya YBB-Potchefstroom, le Ngaka FM Nzama, Mokaedimogolo: Motlhabolodi wa Setheo wa Motswedithuso wa batho, Lefapha la Thuto.
<fn>NWU-NEWS. News121.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Khampase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) e ntsha sehuba gape ka gore e bula tsela gape ka laboratoriamo ya popo ya ntlha ka mo porofenseng.
FabLab (fabrication laboratory), e e ntshwa ke bobofatsi e e mo karolong ya tse di kwa godimo tsa mo lefatsheng ke ya Fakalthi ya Boenjenere. E fa badirisi ba yone ba e leng bana ba dikolo go fitlha le kwa go baenjenere bokgoni jwa go ka tsaya popo ya kakanyo mme ba e bope ka go e tshwantsha, go e tlhabolola le go e bopa mme go e tlhatlhagantsha le go e leka.
Maikaelelo a magolo a laboratoriamo ke go dirisa saense le thekenoloji go maatlafatsa merafe mo go agegeng ga diekonomi tsa yone. Go ya ka mor. Mosibudi Mangena, Tona ya Saense le Thekenoloji, yo a butseng semmuso bebofatsi, baeng ba bantsi ba FabLab ba setse ba dirisitse didiriso tse di kgethegileng go bopa dikumo tse di botlhokwa jaaka thulaganyo ya dialama tsa morafe, themometara ee e sa tureng e e ka latlhiwang, le lebone le le bopilweng ke mmetli wa moswa wa kwa merafeng ya kwa ntle ga Pretoria.
FabLab ke ya botlhano ya mofuta o mo lefatsheng la rona mme gongwe e tlile go oketswa ka dilaboratoriamo tse dinnye tsa disatelaiti go ya kwa ditikologong tse dingwe tsa porofense ka gore se e le ponelopele. Dilaboratoriamo tse dingwe di kwa Soshanguve, Kapa, Mangaung le Kimberley, mme tsotlhe di tshegediwa ka porokeramo ya Advanced Manufacturing Technology Strategy (AMTS) ya Lefapha la Saense le Thekenoloji.
Go ya ka mor. Mangena Khampase ya Potchefstroom e ka leboga Lekgotlheng la Saense le Thekenoloji ya Bokone-Bophirima e e neng e tshwerwe ka 2004 le le tlisitseng laboratoriamo e ya FabLab e. Ka nako ya Lekgotlha go ne ga lemogwa mekgwa e e ka dirisiwang ke dikgwebo tse dinnye, tse dikgolwane le tse dikgolokgolo go ka tlhatlhosa tlhwatlhwa ya khumo ya dimenerale tsa porofense. Ka go fa batho tshono ya go ka bopa tse ba di akanyang le go di tlhabolosa le go ka bona leano le le nna kumo e ntshwa, go ka fa thuso e kgolo ya patlisiso le tlhabololo le kumo yotlhe ya setšhaba mo bofelong.
Mor Mangena o file tlhomamiso ya gore lefapha la gagwe e tla dula e eme nokeng go leka ga go tlosa le go nnyenyefatsa dipharologanyo magareng a merafe tsa thekenoloji le popontshwa. "Ekonomi ya bokamoso le tlhabololo ya merafe ya lefatshe e tlhoka motheo o o thata wa saense, boenjenere le thekenoloji. Kakanyo ya ditšhabatšhaba ke gore mafatshe a a ipatlelang magodimo a go gola a a thata a a ka tswelelang, a tshwanetse go itirisetsa bokgoni jwa one go fana ka kitso e e ntshwa" ga oketsa mor. Mangena.
Go ya ka moporof. LJ Grobler wa Sekolo sa Boenjenere jwa Bomotšhini, FabLab e dira gore go ne le popo le letlhakore le lentshwa ka mo boenjenereng mme se se bontsha mowa wa popontshwa ya yunibesiti. Moporof. Grobler o akanya gape gore tetlelo ya go ka tsena mo laboratoriamo go bana ba dikolo go tla ba fa phisego ya go ka rata saense le thekenoloji mme se se tla dira gore go oketsege badiri ba mo karolong e ya ekonomi mo go tlhokegang bathapiwa thata.
Moporof LJ Grobler van wa Sekolo sa Boenjenere jwa Bomotšhini, mor Mosibudi Mangena: Tona ya Saense le Thekenoloji, le mor Darkey Africa: LUR wa Puso ya Selegae le Tlhabololo, ka mo pele ga motšhini wa "extruder" ka mo teng ga FabLab e e ntshwa.
<fn>NWU-NEWS. News122.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Rre Sampie Lundie, motlhatlheledi mo Fakalting ya Bonetetshi ba Thuto mo Khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) o akanyeditse khoso ya go katisa barutabana mo go tlhatlhobeng ga maemo a thuto e e theetsweng mo go fithheleng ga maikaelelo.
"Thuto e e Theetsweng mo go Fitlheleng ga Maikaelelo (TTFM) e lebega e le katiso e e nepileng go tsweletsa pele thuto, e le go ruta le go ithuta ga maemogodimo mo diphaposing tsa borutelo. Se se ka fitlhelwa fa thuto e wetswa ka keletlhoko" ga rialo ke rre Lundie.
Ditlapele tsa tlhatlhobo ya thuto e e nepegileng e theilwe mo go katiseng ga barutabana ga maemogodimo le mo go poeletsong ga katiso ya banamabatshweretiro. Go batlega gore dikolo di rulaganye mananeo a tsone seša gore barutabana be nne le nako e e lekaneng ya go ka dira dithulaganyo tse di feletseng go ipaakanyetsa tirelo ya teng. Tlhatlhobo ya thuto e e theetsweng mo go fitlheleng ga maikaelelo e batla tlhatlhobo e yone e le e e theetsweng mo go fitlheleng ga maikaelelo, mo baithuti ba ka kgonang go tlhagisa bokgoni ba bone teng, mo phaposing ya borutelo fa tlase ga taolo le temogo ya barutabana.
Go tlaleletsa ditlhokego tse barutabana ba di tlhokang mo go wetseng ga thuto ya TTFM ka tshwanelo, YBB e neela ka khoso e khutshwane, e e utlwanetsweng mo go tlhatlhobeng ga barutabana. Khoso e e utlwanetsweng le Seta ya ETDP e lebile mo go katiseng ga barutabana mo go diriseng ga yone le go ka itirela ditlhatlhobo tse di leng maleba gore go kgonwe go ka dirwa netefatso e e tshepiwang le ya maemo mo go tsweleleng pele ga morutabana mongwe le mongwe.
Rre Lundie a re: "Barutabana ba ba setseng ba weditse khoso e khutshwane e ba e bona mesola." Barutabana ba ipueletse ba re dithulaganyo mo dikolong di tshwanetse tsa fetolwa gore ditlhatlhobo tsa thuto e e theetsweng mo go fitlheleng ga maikaelelo, e wediwe sentle. Go netefatsa gore go nne le katlego go tshwanetswe ga katisiwa barutabana botlhe ba sekolo se se rileng le gone go batlega gore ba ineele gotlhelele mo tirisong ya molao wa tlhatlhobo le tse ba di ithutileng tsone mo khosong.
Jaanong jaana khoso e, ke karolo ya khurikulamo e e pateleditsweng ya baithuti ba ngwaga wa bonne. Bone ba wetsa dithuto tsa bone ba le batlhatlhobi ba ba dumeletsweng. Rre Lundie o neela khoso e go baithuti ba Yunibesiti ya kwa Stellenbosch le mo Lefapheng la Thuto la Porofense ya Kapa-Bophirima.
<fn>NWU-NEWS. News123.2009-12-02.tn.txt</fn>
VANDERBIJLPARK - Porojeke e e simolotsweng ke moitsedithuto wa kwa khampaseng ya Vaaldriehoek ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ga e a goga matlho a batho ba ditšhabatšhaba fela mme e tloga e tlhomelwa le ka mo diporofenseng tse di mmalwa mo Aferika Borwa ka bophara.
Porojeke e e bidiwang "Resilient Educators Programme" (Reds) e bopilwe ke Ngk. Linda Theron ka tirisanommogo ya ga Ngk. Ike Xaba le moh. Mada Watson mo ba nang le maikaelelo a go maatlafatsa barutabana ka bokgoni jwa bone jwa go dirisana ka tsireletso le ka ditiro kgatlhanong le bolwetsi jwa HIV/AIDS.
Go fitlhela jaanong porokerama e setse e tlhometswe mo barutrabaneng ba ba ithaopang mo diporofenseng tse tharo tse e leng Gauteng, Bokone-Bophirima le mo Foreisetata. E tlhomelwa ke baithuti ba YBB le ba Yunibesiti ya Pretoria(UP/YP) ba gone jaanong ba tshwaragane le dithuto tsa didikerii tsa MA le PhD.
Ka go leka go godisa porokeramo mmatlisisimogolo ngk. Theron, le babatlisisi-ka-ene ba e leng baporof. Herman Strydom wa YBB le Rina Delport wa YP, ba ne ba ikopantshitse le moporof. Jane Gilgun wa Yunibesiti ya Minnesota wa kwa Amerika.
Ka nako ya kopano e go ne go buisanwa ka boteng ka ga porokeramo le tlhomelo ya yone go fitlhela jaanong gore go tle go diriwe tlhabololo e nngwe gape. Se se akangwang ke gore mo malatsing a a gaufi porokeramo e tlile go tlhomelwa le ka kwa Mpumalanga, Bokone-Bophirima le ka Foreisitata. Moakatemi yo mogolo yo wa moitsegotlhe wa patlisiso ya boleng o tlotliwa thata mme ene gape ke modirediloago wa maitemogelo.
Porojeke e kwadisiwa gape ke Lekgotla la Setšhaba la Patlisiso(Nasionale Navorsingsraad (NNS) le YBB.
Setlhopha se se tsayang karolo mo porojekeng ya Reds go tswa mo molemeng kwa morago ke moh Hanelie Malan, moporof Herman Strydom, moporof Rina Delport le ngk. Stephan Geyer. Mo pele go tswa mo molemeng go na le bomoh. Minette du Toit, Steffie Esterhuizen, Violet Moeketsi, ngk. Linda Theron, moporof Jane Gilgun, le bomoh. Lillian Radebe le Viola Kupa.
<fn>NWU-NEWS. News124.2009-12-02.tn.txt</fn>
VANDERBIJLPARK - Ngwaga e Khampase ya Vaal Triangle ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) e tlabo e le mong-gae wa khonferense ya bo-29 ya ngwaga le ngwaga ya Mokgatlho wa Kemonokeng ya Baithuti ka o Aferika-Borwa (Society for Student Counselling in South Africa (SSCSA)).
Setlhogo sa khonferense ya ngwaga e ke "Kemonokeng ya baithuti: Tebelelo kwa pele ka mokgwa o o posetifi pele mabaka a diragala." Kapa ka Seesimane "Student Counselling: A positive proactive view on the future". Go tloga ka nako ya tlhomelo ka 1978, SSCSA - ka e le setheo sa tirelo - se ile sa baya motheo wa baemanokeng ba baithuti mo bontsi jwa bone e leng basaekholoji ba boithutelo ba ba tswang kwa ditheong tsa thuto e e pagameng mme se se raya gore go tlhomamiswa bogodimo jo bo kwa godimo-dimo jwa boithutelo le go itekantsha le ba ditšhabatšhaba.
Tiro e nngwe e e botlhokwa ya Tirelo ya Kemonokeng ka mo karolong ya thutogodimo ke karolo ya kgopotso le kaelo ya ditiro tsa bokamoso le go ipaakanyetsa ditiro tse. Ka go leka go maatlafatsa baithuti, go lebelelwa tirisanommogo le bathapi ba paka e e tlang mme le go lebelela go baya dipapatso tsa ditiro mo diwepeng le go rulaganya dipontsho tsa ditiro le go baakanyetsa baithuti go batla diphatlhatiro le go ba thusa go ba direla magareng a mothapiwa le mothapi.
Karolo e nngwe e e botlhokwa ke kgang ya baithuti ba ba fetsang dithuto. Ditirelo tsa Kemonokeng ba tshwanetse go fana ka thuso le kemonokeng kwa ntle ga akatemi go tlhomamisa gore baithuti ba fitlhelela bokgoni botlhe jwa bone.
Setlhoa sa khonferense e tla nna Dikabelo tsa Boitlhaodi, tse di beilweng go tla abelwa kwa tiragalo e e bonagalang e e tla tshwariwang ka 21 Lwetse. Mokete o o tla tsenwa ke Ngk Theuns Eloff, Motlatsa-Khansele wa YBB le le direketoro tsa dikhampase gammogo le baemedi ba bangwe ba ditheo tse dingwe tsa thutogodimo.
Go ka bona tshedimosetso e nngwe ka ga khonferense, itshwaragantshe le Mor. Harm Stavast kwa (016) 910 3194 kapa 083 227 4592.
<fn>NWU-NEWS. News125.2009-12-02.tn.txt</fn>
Ka ga mananeo a a atolositsweng a BSC le B.
MAFIKENG: Khampase e mo Mafikeng ya Yunibesiti ya Bokone Bophirima(YBB) e e itsegalang ka pabalesego le mafolofolo a baithuti e tsweletse go nna setheo se se tlhwatlhwa se se neelanang ka dithuto tsa maemo a a kwa godimo. Maitlhomomagolo a setheo sa rona ke katiso ya ketapele ya bokamoso.
Le fa setheo se santse se gola, maiphitlhelo a baithuti ba ba atlegileng mo nakong e e fetileng ba tsweletse go nna le thotloetso mo mefameng e le mentsi mo matshelong a ma Afrika Borwa le lefatshe ka bophara.
Mo maitekong a magolo a rona a go kgontsha baithuti go fitlhela thuto e kgolwane, Khampase ya Mafikeng e mo ngwageng wa bobedi e laletsa baithuti ba ba nang le ditlhokego tse di maleba go ikwadisetsa dithuto tsa lenaneo le le atolositsweng la Saense le Papatso go ba kgontsha go fitlhelela ditoro tsa bona.
Morago ga go kwadisa Teko ya Katlholo baithuti ba ba falotseng ba tla fiwa monyetla wa go dira kopoikwadiso mo dithutong tsa Saense kgotsa Papatso. Baithuti ba ba ikwadisitseng ba tla nna le monyetla go fetsa dithuto tsa bone mo dingwageng di le nne.
Go tswa fao, ba tlabo ba le malalaalaotswe go ka lebagana le dikgwetlo tse di lolameng tsa kwa ditirong. Baithuti ba ba nang le kgatlhego ya go kwala diteko-tsenelo ba tshwanetse go tla le khopi e e atlenegisitsweng ya lokwalo lwa materiki, lokwalo itshupo kgotsa passport, pene, phensele le rabara. Diteko-tsenelo di tla simolola ka di 1 Lwetse (September) 2007 ka ura ya borobedi mo Khampaseng ya Mafikeng - Robbertson Room, Khampaseng ya Potchefstroom - JCC G38, Khampaseng ya Vanderbiljpark - Samancor G02, Sekolo sa Bolemirui sa P.H Moeketsi kwa Taung, Kholetšhe ya Tlhabane, Kuruman - Sekolo se se kwa godimo sa Batlharo-Tlhaping le Sekolo se se kwa tlase sa Ganyesa Primary.
Ditlhatlhobo tsa go kgontsha baithuti go tsenela lenaneo di tla tshwarwa ka di 15 Lwetse (September) 2007 ka ura ya borobedi (8H00) mo mafelong a umakilweng fa godimo.
Barutwana ba ba nang le kgatlhego ba kopiwa go leletsa kantoro ya rona pele ga 29 Phatwe (August) 2007 go netefatsa gore bana le ditlhokego tse di maleba go ka kwala diteko-tsenelo.
Leletsa: Kenny Nkgothoe - Kenny.nkgothoe@nwu.ac.za Link: mailto: Kenny.nkgothoe@nwu.ac.
<fn>NWU-NEWS. News126.2009-12-02.tn.txt</fn>
VANDERBIJLPARK - Bana ba ba fetang palo ya 3 000 go tswa mo Tikologong ya Mmasapala wa D8 (go baletswe le Boipatong, Bophelong le ditikologo) ba mo tseleng ya go bona mosola mo porojekeng e e tlhometsweng e e ntshwa go tswa mo Sekolong sa Bosaense jwa Thuto mo khampaseng ya Vaal Triangle mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima(YBB).
Porojeke ya ECD(Early Childhood Development)(Tlhabololo ya Bongwana ya Pele) e ikaeletse go tsholetsa maemo a katiso le diporokeramo tsa tlhabololo ya bongwana pele ga sekolo mme e maatlafatse mme e tsose le maemo a barutabana le diporinsipala tsa dikolo.
Porojeke e tlhometswe semmuso ka 21 Phukwi mme e tla fela ka mafelo a kgwedi ya Ngwanatsele. Go ya ka Ngk. Elsa Fourie, Mokaedi wa Sekolo sa Bosaense jwa Thuto, porojeke ya mathomo e tla ema nokeng dikolo tse di 50 mme ponelopele ke gore porojeke e tla tlhomelwa le mo dikolong tsa ditikologo tse dingwe mo Vereeniging le Sasolburg. Ka mo teng ga khoso go lebelelwa mabaka a a tshwanang le maano le letsatsi, maano a dithuto, tsamaiso ya sekolo le gape go arabela ditlhokego tsa dijo le boitekanelo mo sekolong sa pele ga sekolo se kwa tlase.
Tlhokego e kgolo ya go fana ka thuso e tlisitswe dikakanyong tsa barulaganyi ba porojeke ke mor. Jaco Verster wa Lefapha la Boitekanelo. Mor. Verster o boleletse go mo dikaing tse dingwe bana ga ba rutiwe sepe mme ba tle ba robale letsatsi lotlhe kapa ba tshameke nako yotlhe. Bophepa le boitekanelo jwa mo dikolong dingwe ga se se se siametseng bana.
Go ya ka Ngk. Fourie Sekolo se ikaeletse go arabela tlhokego e ka mo merafeng pele ga go bona mathata a mangwe ka go tlhomela porojeke e ya ECD. "Ka re le baeteledipele mo tikologong ya dithuto tsa Thuto ke tiro ya rona go tlhomamisa gore bana ba amogela thuto ya boleng," ga tlhalosa Ngk. Fourie ka nako e e neng a tlhalosa gore thuto ya pele ga sekolo ke motheo o go agelwang mo go one mo bophelong botlhe jwa ngwana jwa sekolo.
Ka se se tlhaloseditsweng ka mo godimo, Sekolo se kopa morafe go dirisana mo porojekeng go ka tlisa diphetogo mo maphelong a bana ba bannye. Dibebofatsi dingwe le dingwe jaaka dikerayone, ditafole le ditulo, dibuka le dipampiri di ka amogelwa ka tumelo e kgolo. Go ya ka dipalo, ditshenyegelo tsa porojeke ya mathomo ke palo e ka nna R 50 000. Go ka bona tshedimosetso e e tsweletseng go ka ikopantswa le Ngk. Fourie kwa (016) 910 3060/66.
Ba ba neng ba le gone ka tlhomelo ya porojeke ya ECD go tswa mo molemeng e ne e le bah. Steffie Esterhuizen (motlhetlheledi, Khampase ya Vaal Triangle), Ria Booysen (motlhetlheledi, Khampase ya Vaal Triangle), Ngk. Elsa Fourie (Mokaedi: Sekolo sa Bosaense jwa Thuto) le Mor Jaco Verster (Lefapha la Boitekanelo).
<fn>NWU-NEWS. News127.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM -Moprof.JJ Pienaar, Diini wa Fakalthi ya Bosaense jwa Tlholego mo Khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) o amogetse kabelo Metlele ya Merck ya 2007 go tswa go South African Chemical Institute (SACI) Merck Medal for 2007. O fenste metlele ka athikele e e gatisitseng ka mo Jenaleng ya Aferika Borwa ya Khemiseteri ka mo tokologong ya khemiseteri ya sebopego ka gore athikele e atlhotswe e le e e gaisang tsotlhe ka kabelo ya mo tikologong ya dithuto tsa serutwa se.
Tlhogo ya athikele e e gatisitsweng ka 2005, ke: "The Kinetics of the Silver(I)-induced Oxidation of Chromium(III) by Peroxodisulphate".
Ka mo athikeleng e, mokgwa wa khemikale wa keroniamo e e terifalente e ka okesidaesiwang e ne e ithutiwa. Keroniamo e e hekesafalente e bonwa e le botlhole mme e le karisinogene e e ikemetseng, mme keroniamo e e terifalente e le tlhale ya sejo sa batho le ba diphedi ka bobedi.
Kabelo ya 2007, e e akaretsang diathikele tsotlhe tse di gatisitsweng ka 2002 go 2006, e abetswe go Moporof. Pienaar ka a le mokwadimogolo wa athikele e. Bakwadimmogo ka ene ba ne ba le Mme AM Bogopane, YBB, Ngk GL Lachman, YBB, Ngk MSA Hamza, YBB le Moporof Rudi van Eldik, wa Yunibesiti ya Erlangen Nürnberg, kwa Jeremane.
<fn>NWU-NEWS. News128.2009-12-02.tn.txt</fn>
Tshupo ya ntlha ya requiem e ne ya tshwarelwa ka Labotlhano wa 17 Phatwe 2007 ka mo monyumente ya Voortrekker mme tiragatso ya dirwa ke kwaere ya kamore ya Rheinberger le kwaere ya batsha ya Oos-Rand le baopedi le orekese le ensembele ka mo tlase ga moopedisi Richter Grimbeek. Requieme e ne e na le dikgaolo di le robongwe go ka tsamaisana le go nna sekao sa diporofense tse robongwe mo Aferika-Borwa.
Moh van der Westhuizen o feditse dikerii ya gagwe ya B. Mus ka mo YBB mme o ithutile tlhamo ya mmino mo tlase ga moporof Henk Temmingh. O itlhaola ka mo go tlhama le go diragatsetsa dikwaere le diensembele, tse di setseng di opetswe ke dikwaere tsa diporofense jaaka kwaere ya bana ya Bokone-Bophirima, kwaere ya Yunibesiti Bokone-Bophirima, kwaere ya batsha ya Tukkie, kwaere ya batsha ya Oos-Rand le kwaere ya Kapa ya Borwa-Bophirima ya bana.
Ka 2006 kwaere ya basetsana ya sekolo se se kwa godimo sa Hoërskool Jeugland e ne ya opela e nngwe ya ditlhamo tsa ga Moh van der Westhuizen kwa kgaisanong ya ditšhabatšhaba kwa Praagse. Tse dingwe tse di farologaneng tsa ditlhamo tsa gagwe gantsi di opelwa ke dikwaere tsa dikolo mo kgaisanong ya Applous e e rulagangwang ke Afrikaanse Taal- en Kultuurvereniging (ATKV).
Requiem for the Victims of Crime and Violence in South Africa ka kgwedi ya Sedimonthole se diragatswa kwa Jeremane ke kwaere ya batsha ya Oos-Rand gammogo le Maulbronner Kammerchor ka mo tlase ga Jurgen Budday. Kwaere ya kamore ya Rheinberger e diragatsa requiem ka Lwetse ka mo musiamo wa Dias kwa Mosselbaai.
<fn>NWU-NEWS. News129.2009-12-02.tn.txt</fn>
Ngk Theuns Eloff, Motlatsa-khanseliri wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) mme gape Modulasetulo yo montšhwa yo o tsenang ofising wa Thuto-Godimo ya Aferika Borwa (HESA), o bontshitse kgolagano ya gagwe ka letsholo la Know Your Status, Each one reach Five ka go ya tekong ya mo pele ga batho ka kwa ofising ya porokeramo ya AIDS ya Thuto-Godimo(HEAIDS) kwa Pretoria ka 4 Lwetse 2007, mme a dira jalo gape morago ga malatsi a mabedi ka mo YBB.
Letsholo le tlhotlheletsa batho go ya Ditekong le Kemonokeng ka go ithaopa (VCT) ka mo tikologong ya thuto-godimo mme se se rulagangwa ke HEAIDS, mme letsholo le le diriwa ka tirisanommogo magareng a Lefapha la Thuto le HESA ka thuso ya madi go tswa go Yuniene ya Yoropa.
Letsholo la YBB le tlhometswe go tloga ka letsatsi la 3 go 7 Lwetse ka mo baithuti le badirimmogo ba Ofisi ya Setheo le Dikhampase tsa Mafikeng, Potchefstroom le Vaal Triangle ba ne ba ithaopa go diriwa diteko tsa HIV.
Tiro-tatelano ya diteko e tla tswelela ka mo dikhampaseng mo Aferika Borwa. Mo teng ga nako e kana ka dibeke tse tharo, ditheo tse 13 tsa thuto-godimo di tlabo di tsamaisitse matsholo a mo dikhampaseng. Se se diriwa ka ketelopele ya ditokololo tsa dikhansele, batlatsa-khanseliri, baeteledipele ba baithuti, baakatemi le batsamaisi ba ba sa tlholeng ba bua fela mme ba dirisa diteko tsa HIV.
"Re ikutlwa boikarabelo jo bogolo go baithuti ba rona go ba kaela tsela e e pabelesegileng go feta mo nakong ya bone ya dithuto. Mokgwa o o botoka go bontsha ruri gore re na le botshepegi le boikarabelo ka pelong go boitekanelo le boitumelo go baithuti ba rona ke go etela pele ka sekao se ba ka se salang morago," ga bua Ngk Eloff.
Ba ba neng ba sala Ngk Eloff morago ka go nna sekao go ya ditekong tsa HIV tsa HESA.
Ngk Theuns Eloff, Motlatsa-khansele wa YBB yo a tsaisang teko ya HIV ka letsholo la Aferika-Borwa la Know Your Status, Each one reach Five.
<fn>NWU-NEWS. News130.2009-12-02.tn.txt</fn>
YBB e bone nomoro ya ntlha mo kgaisanong ya 2007 mme ra amogela Kabelo ya PriceWaterhouseCoopers ya Thuto-Godimo ka go Itlhaola ka Tsamaiso ya Korporatifi mme se se ile sa bontsha gore setheo se na le maikaelelo le kgatlhego ya ditiro tsa tsamaiso ya tshiamo le go e tshegetsa ka maemo a a kwa godimo.
YBB ngwaga e e fetileng e ne ya tswa mo maemong a bone mme ngwaga e e tlhatlhogile go ya go ya ntlha mme ya fenya gammogo le Central University of Technology(CUT).
"Ka mo puong ya Tona ya Thuto, mme Naledi Pandor mo tshimologong ya ngwaga, o rile gore ngwaga ya 2007 ke ngwaga e re tshwanetseng go bontsha boitlhaodi ba rone mme re tlogele go nna ba ba itumelelang fela go nna mo gare ka gotlhe. Kabelo e e bontsha gore re itlhamile go nna baitlhaodi le gore re ikaeletse go nna re tokofatsa diphitlhelelo tsa rona," ga bua moporof Chris van der Walt, Mokwadisi wa Setheo wa YBB.
Kgaisano e e tshwarwa ngwaga le ngwaga mme e na le maikaelelo a go tlhotlheletsa ditheo tsa Thuto-Godimo gore ba iteka ka bojotlhe go fitlhelela maemo a a kwa godimo go arabela boleng jo bo kwa godimo go arabela ditlhokego tsa tsamaiso le tshegetso ya korporatifi tsa Repoto ya King II ya Tshegetso ya Korporatifi mo Aferika Borwa. Repoto e e gatela maikemisetso a a supang a a tshegetso le tsamaiso ya korporatifi a a leng boitiso, ponagalo, boitiriso, go se tshabe go beiwa boikarabelo, boikarabelo, botshepegi le boikarabelo jwa loago.
<fn>NWU-NEWS. News131.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom(The Potchefstroom Business School(PBS)) ka mo Sekolong sa Bosaense jwa Ekonomi le Kgwebo sa mo Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela maloba se tlhometse karolo ya sekolo e e lebeletseng fela dikorporasi. Moporof. Louw van der Walt, yo a bonwang e le moitsegotlhe wa kitso le maitemogelo tsa dikorporasi ke tlhogo ya karolo e.
Korporasi e nnile mofuta o o rategang wa kgwebo mo dilemong tse di fetileng. Mofuta o wa kgwebo ga se diragale fela ka mo tikologong ya bolemirui mme o ka tsaya karolo e kgolo le mo go godiseng ga merafe le mo karolong ya dikgebo tse di potlana.
PBS e itemogetse tlhokego ya katiso ya tiriso le kemonokeng ka mo karolong e le gore patlisiso e bontshitse gore bontsi jwa dikorporasi di na le mathata jaanong jaana go tswedisa dikgwebo tsa bone. Karolo e ya korporatifi e ikaeletse go dira kabelo e kgolo mo tshegetsong ya mo karolong ya dikorporasi mo Aferika Borwa.
Go ka bona tshedimosetso e e tseneletseng, ka tswee-tswee o ka itshwaragantsha le Moporof Van der Walt kwa (018) 299 1365 kapa ka eposo kwa: Louw. VanderWalt@nwu.co.za (Link: mailto: Louw. VanderWalt@nwu.co.za).
<fn>NWU-NEWS. News132.2009-12-02.tn.txt</fn>
Thusang go batla polelokhutswane ya letshwaokgwebo ya rona!
Badirimmogo le baithuti botlhe ba ka mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima(YBB) ba kopiwa go tsenela kgaisano ya go bona polelokhutswane e e tsamaisanang le letswaokgebo le lentšhwa la rona le le bolelang nnete yotlhe ya letshwaokgwebo mme e nne le karolo ya go tsamaisana le kitsiso le leano la go tsamaisa letshwaokgwebo le.
Leano la go itsisa le go tsamaisa letshwaokgwebo le lentšhwa la YBB e mo lebelong jaanong mme e mo kereng ya topo ka gore Khansele e dumetse leano la go tlhomela letshwaokgwebo le lentšhwa. Mo dikgweding tse mmalwa letshwaokgwebo le tla simololwa go bonwa ka kgatlhego e kgolo ka makwalong, ditlhogong le mo dimateriale tsa papatso le neeletsanyo, disetifikeiti, diaparo, diaparo tsa ditirelo le mo mafelong otlhe a a tlhokang pontsho ya letshwaokgwebo.
Polelokhutswane (pay-off line) kgotsa (tag-line) ke polelwana e e neelanang ka bokao- polelwana e e buang ka maemo a setheo - eo e tshotseng mmoko wa letshwaokgwebo. E tlhalosa bokao ba letshwaokgwebo ka mokgwa o o ka lemogiwang le go gakologelwa bonolo.
Polelwana ya letshwaokgwebo ya ga jaana ke "ons doen dit reg, doing it right, re dira sentle" mme yona e tlhodilwe morago ga momagano le pele togamaano ya letshwaokgwebo la YBB e konosediwa. Ka gonne togamaano ya letshwaokgwebo ya bofelo e setse e le teng, nako jaanong e gorogile ya gore polelwana e felegetse letshwaokgwebo le botlhokwa ba letshwaokgwebo.
Ka nako e go tlhophilweng polelwana ya letshwaokgwebo, e tla dirisiwa go Ofisi ya Setheo le dikhampase tse tharo ka mo melaetsong le ka mo go tlhomeleng ga letshwaokgwebo.
Ka kopo, klika ka mo posetareng ya kgaisano ya letshwaokgwebo ka mo tlase mme o tsenele kgaisano mme o ne le tshono ya go ka fenya R5 000 ka mo seatleng!
<fn>NWU-NEWS. News133.2009-12-02.tn.txt</fn>
PUKfm, seteišhene sa morafe sa mo Khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) e apesitswe e le mampodi wa mo Bokone-Bophirima ka go amogela kabelo go tswa go Sonitus Community Radio Awards.
PUKfm (e e leng ka mo 93.6 fm), gape e ne e le mo go ba ba lesome ba ba kwa pele ba diseteišhene tsa merafe mo setšhabeng mme jaanong ba itekantshitse la di diseteišhene jaaka Jozi fm, Eastwave Radio le Radio Kragbron.
Maikaelelo a kgaisano e ne e le go lekantsha gore diseteišhene tsa merafe di tsaya karolo jang ka mo merafeng ya tsone. Diseteišhene tsa merafe di ne tsa kopiwa gore di bontshe gore ba na le popontšhwa le go tlhotlheletsa ka diporokerama tse di itumedisang le go fana ka mmino o o kopiwang ke mebaraka ya bone.
"Re itumetse thata go ka fenya ka mo porofenseng. Ke sesupo sa gore jaanong re seteišhene sa nnete se morafe o ka thusang le ka ditšhelete" ga bua mor Edohan Burger, motsamaisi wa seteišhene.
Se se dirang gore kabelo e e tlotliwe gape ke gore di-DJ tsa mo PUKfm ke baithaopi mme ba diseteišhene tse dingwe tsa mo setšhabeng ke ba ba thaphilweng mme ba amogela madi.
Bareetsi ba PUKfm go tloga ka 1 Tlhakole ngwaga e e fetileng ba ile ba oketsa gabedi mme patlisiso e e dirilweng ka tshimologo ya ngwaga e mo Khampaseng, e bontshitse gore palo ya bareetsi e goletse go nna 10 500.
<fn>NWU-NEWS. News135.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM -Mowa wa go ruta le ya popontšhwa ya nyutlelia ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) o ne wa lebelwa thata kwa Simposiamong ya Ngwaga le ngwaga ya Tshwaragano ya Nyutlelia ya Lefatshe ya bomasotharo pedi e e neng e tshwaretswe Queen Elizabeth II Conference Centre, London, United Kingdom.
YBB e ne e le yone fela Yunibesiti ya mo Aferika Borwa e e neng e rometse thomeletso mme e e nang le botokolo ba Tshwaragano ya Nyutlelia ya Lefatshe le Yunibesiti ya Nyutlelia ya Lefatshe.
Thomeletso ya Sekolo sa Morago ga didikerii sa Bosaense jwa Nyutlelia le Boenjineri ya mo Khampaseng ya Potchefstroom e ne e emetse yunibesiti ka mo simposiamong ka mo bomaitsegotlhe ba neng ba buisana ka ga melebo ya baetapele ba intaseteri ya nyutlelia, mmaraka ya motlakase wa lefatshe - theleso le tlhokego 2007-2030, tiro ya motlakase wa nyutlelia go tlisa theleso ya motlakase e e tswelelang, go bopa thulaganyo ya intaseteri e e tshepegang ya tsosoloso ya nyutlelia, mebaraka ya nuclear renaissance, mebaraka ya yureniamo le mogatla wa sediko sa motlakase.
Sekolo sa Morago ga didikerii sa Bosaense jwa Nyutlelia le Boenjineri se ikgolagantshe go godisa le go tlisa baenjineri ba nyutlelia ba ba arabelang maemo a lefatshe le go feta. Simposiamo e ne ya bula ditsela tsa ditshono le ditirisanommogo tsa patlisiso, thuto le katiso. Go nna teng ga thomeletso ya Yunibesiti ga go a bontsha fela boetapele jwa Yunibesiti ka mo thutong ya yone ya nyutlelia mo Aferika Borwa mme le maikaelelo a yone a go dula mo lefelong la ntlha kwa pele ka mo ditlhabololong tsotlhe tse dintšhwa tsa nyutlelia ka mo intasetering e.
Dithomeletso go tswa mo lefatsheng ka bophara di ne di rometswe kwa sipmosiamong ya Tshwaragano ya Nyutlelia ya Lefatshe. Wa bobedi go tswa mo molemeng ke mme Elmarie Bester, moneeletsanyi wa Sekolo sa Bosaense jwa Nyutlelia le Boenjineri.
<fn>NWU-NEWS. News136.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Khampase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) e amogetse tlotlo ya go ka nna moemeladitshenyegelo wa marukgwe a baleetsadiphala ba kgaisano ya Curriecup.
Boemeladitshenyegelo jo bo ile jwa itsisiwa ka Mokete wa Banna wa Setheo sa Rakabi sa YBB go tswa go mor Steve Meintjies, modulasetulo wa Mokgatlho wa Baleetsadiphala ba Aferika-Borwa. Mor Theo Cloete, mokaedi wa Papatso le Neeletsanyo wa mo khampaseng ya Potchefstroom o ile a bona phenyo e ka go tshwara dipuisano tse di tsweletseng sebaka le Yuniene ya Rakabi ya Aferika-Borwa.
Papatso e e rileng e e na le maikaelelo a go itsisa Letswaokgwebo le lentšhwa mme baleetsaphala ba ba itsegeng thata jaaka Jonathan Kaplan, Marius Jonker, Craig Joubert, Mark Lawrence, Willie Roos en Jerome Fortuin, ba tla apara marukgwe a a nang le Letswaokgwebo la YBB-PUK ka nako ya dikgaisano tsa Curriecup mo dingwageng tse nne tse di tlang.
Metshameko e ka nna e meraro ya Curriecup e gasiwa ka mo thelebišheneng mafelo a beke le beke mme Letswaokgwebo le lentšhwa la YBB-PUK le tla bonwa diura tse nne.
Se ke borukgwe jwa Baleetsaphala ba Aferika-Borwa bo bo duelwang ke Khampase ya Potchefstroom ya YBB. Bo ne jwa bontshiwa ke bomme Hannatjie Visagie le Annemarié Hefer go tswa mo Lefapheng la Papatso le Neeletsanyo.
<fn>NWU-NEWS. News137.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Batlhatlheledi ba babedi ba ba juniara ba Sekolo sa Thuto ya Barutabana e e Tswelelang ba mo Khampaseng ya Potchefstroom ba Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ba tlhophilwe go amogela dibasari tsa go ithuta go tswa kgakala go tswa kwa Common Wealth Commission ka kwa United Kingdom.
Mme Noziphiwo Kgati le Mor Titus Williams ba tlhophilwe go tswa mo go ba ba ka nnang 800 ba ba neng ba kopile go tswa mo Aferika go ka ithuta didikerii tsa bone ka mo Thutong ya go ka Tshegetswa kapa ka Seesimane - Education for Sustainability, mme ba tla nna karolo ya baithuti ba ba 20 ba ba tlhophetsweng khoso e.
Batlhatlheledi ba babedi ba ba tla dira dithuto tsa bone tsa MSc mo dilemong tse nne tse di tlang ka go ithutela kgakala gammogo le South Bank University ya kwa London.
Diini ya Fakhalti, Moporof Petra Engelbrecht le Mokaedi wa Sekolo, Moporof Manie Spamer, ba ile ba bitsa maina a batlhatlheledi ba mme ba ba tlhotlheletsa go ikopela dibasari tse.
Mme Kgati jaanong jaana ke motlhatlheledi wa juniara wa Katiso ya Tsamaiso ya Thuto le Bokgwebontšhwa ka mo porokerameng ya YBB ya go ruta barutabana ba ba kgakala. Mor Williams jaanong jaana ke motlhatlheledi wa juniara wa Hisitori le Thutafatshe, le ene ka mo porokerameng ya YBB ya go ruta barutabana ba ba kgakala.
Mor Titus Williams le Mme Noziphiwo Kgati fela maloba ba amogetse kabelo ya dibasari tsa go ithuta o le kgakala go tswa go Commonwealth Commission ka kwa United Kingdom.
<fn>NWU-NEWS. News138.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Mowa wa popontšhwa wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) o ne wa bonagala gape e rile bafenyi ba kgaisano ya Babopi ba Bašwa ba bidiwa maina go amogela dikabelo tsa bone mo moletlong o montle ka 18 Diphalane 2007 ka mo Galeri ka mo Khampaseng ya Potchefstroom. Kgaisano e e ne e tlhometswe ke Uniti ya Popontšhwa.
Hans Viljoen, morutwana wa Gerata ya 12 wa Sekolo se se kwa Godimo sa Gimnasium o bone lefelo la ntlha ka mo kgaisanong ka madi a kana ka R2 000 lebone la persepekese e a e bopileng.
Ofelia Andrade le Simone Pears, barutwana ba Gerata ya 11 go tswa go Potchefstroom High School for Girls, ba dule mo lefelong la bobedi le mo go la boraro ka madi a kana ka R800 le R300.
"Go botlhokwa mo go rona go lemoga babopi ba bantšhwa ba sa le batšha le go ba tlotlheletsa le go ba tlhabolola ka gore ke bone babopi ba bantšhwa ba ka moso" ga bua morulaganyi wa kgasano yo e leng mmê Susan van Rooyen wa Ofisi ya Popontšhwa.
Pele ga kgaisano babopi ba bantšhwa ba ne ba katisiwa mo Open Café ka mo Potchefstoom go dirisa diporokeramo tsa Linux go bopa mabone. Dipopo tse morago tsa isiwa kwa Fakalthi ya Boenjineri ka mo laboratoriamo ya popontšhwa (FabLab) ka mo khampaseng ya Potchefstroom ya YBB mme dipopo tsa fetswa ka thuso ya diporokeramo tsa Opensource, mme morago ga mole persepekese ya segiwa ka sesegi sa lasara sa nepagalo sa CO2.
Open Café ke khefi ya inthanete e e sa lebelang kgwebo e e fanang ka katiso, tsamaiso le kemo nokeng ya ditegeniki tsa diporokeramo tsa Open Source, mme FabLab ke bebofatsi ya maemo a lefatshe mo batho, bana ba sekolo go ya go baenjineri , ba ka dirisang didiriso tse di rileng tse go ka bopa sengwe le sengwe mme ba e tlhabolola mme ba e leka go fitlhela e dira sentle.
Kgaisano e ya Babopi ba bantšhwa e tsamaisana le Kgaisano ya Popontšhwa ya Lefapha la Saense le Thekenoloji ya baithuti e ba e tsamaisang.
Ka mo moletlong wa go ntsha dikabelo go ne go na le, mo pele go tswa mo molemeng mor Pieter Tolmay wa FabLab, Jessica Brink, High School for Girls, Potchefstroom, Simone Pears, High School for Girls, Potchefstroom, mme Susan van Rooyen, Ofisi ya Popontšhwa, YBB, mme Anna Dani, Open Café, Ofelia Andrade, High School for Girls, Potchefstroom, le Johan Heath, Hoër Tegniese Skool, Potchefstroom. Kwa morago go tswa mo molemeng ke Dawie Botha, Hoër Tegniese Skool, Potchefstroom, Sarel Coetzee, Hoër Tegniese Skool, Potchefstroom Innes Coetzee, Hoër Tegniese Skool, Potchefstroom, Hans Viljoen, Hoërskool Gimnasium, Potchefstroom, (mofenyi wa kgaisano).
<fn>NWU-NEWS. News139.2009-12-02.tn.txt</fn>
Motaki yo o itsegeng wa Aferika-Borwa Bronwen Findlay ke moabedi wa kabelo e e tlotlegang ya Helgaard Steyn ya madi a kana ka R150 000.
Motaki o amogetse kabelo go tswa go Mme Hanneli Rupert-Koegelenberg, tokolo ya Khansele ya YBB le moemedi wa Terasete ya Helgaard Steyn ka mo moletlong o o neng o tshwaretswe ka mo Khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ka 17 Diphalane 2007.
Mme Findlay, motlhatlheledi wa nakwana wa Diatshe kwa Yunibesiting ya Johannesburg (UJ), yo o neng a tshwere pontsho ya gago ya ntlha ka 1977, a re o itumetse thata ka tshoganyetso e ya kabelo mme a re o tlotlegile gagolo ka kabelo e.
"Ke bontsha ditiro tsa me gangwe le gape morago ga dileme tse di mmalwa mme ke rata go dira tiro ya me ke lebeletse pontsho e e rileng" a bua.
Kabelo ya Helgaard Steyn ngwaga le ngwaga, ka go tlodisa ngwaga e abelwa go motlhami wa mmino, motaki, mokwadi kapa moseti. Ngwaga le ngwaga morago ga dingwaga tse pedi YBB e kopiwa go bitsa moatlhodi wa Terasete ya Helgaard Steyn. Ngk John Botha, motlhatlheledi wa Khampase ya Potchefstroom ya YBB o nnile mongwe wa baatlhodi ka 2007. Baatlhodi ka ene e ne e le Ngk Lydia de Waal, Mokaedi wa Galeri ya Sasol kwa Stellenbosch, gammogo le moporof Dirk van den Berg wa Yunibesiti ya Foreisetata.
Baatlhodi ba bona mme Findlay a itlhaotse mme a bontshitse boleng ka tiro ya gagwe fa di bapisiwa le ditiro tsa dikabelo tsa pele tsa Helgaard Steyn. Ba re tiro ya gagwe ya All about everything, e kgona go kopantsha ka mokgwa o o makatsang le o montle go tlhalosa le go ruta molaetsa wa boikarabelo le bonnete. Go ya ka baatlhodi Bronwen Findlay ke motaki wa nnete yo o itsegeng mme ditako tsa gagwe di emela boleng jwa tiro le go bontsha bokgoni jwa dingwagangwaga.
"Sepe se se dirilweng ke motaki yo mo bophelong jwa gagwe jwa tlotlo, se ka tlhaloswa ka go re ke tiro ya tlwaelo, le fa go le jalo o amogela phisego le maitemogelo a gagwe a botaki go tswa mo dilong tsa tlwaelo tsa bophelo tse di re dikologang."
Tako e e mo fileng kabelo ya bogolo jwa 2 x 3,6 m, ka pente ya oli mo leseleng, jaanong jaana ke karolo ya kgobokantsho ya Standard Bank kwa Morningside, Johannesburg. Mo motakong o motaki o tlisetsa mmaagwe yo a tlhokofetseng tlotlo. . Motako o na le didiriso tse di farologaneng tse di neng di le botlhokwa mo go mmaagwe, tse di gatelelang dilo tsa tlwaelo tsa bophelo.
Ka selemo sa 2006 Kabelo ya Helgaard Steyn e ne e abetswe go motlhami wa mmino yo e leng Roelof Temmingh ka tlhamo ya gagwe ya Kantorium. Kabelo ya ngwaga e e tlang e tlile go abelwa gape go mokwadi yo o itlhaolang.
Ba ba neng ba le teng ka mo moletlong wa kabelo ke go tswa mo molemeng, Moporof CFC van der Walt, Mokwaledi wa Setheo wa YBB, Moporof Annette Combrink, Moreketoro wa Khampase ya Potchefstroom ya YBB, Mme Hanneli Rupert-Koegelenberg, Tokolo ya Khansele ya YBB le moemedi wa Terasete ya Helgaard Steyn, Mme Bronwen Findlay, motaki, le Ngaka Theuns Eloff, Motlatsa-mokanseliri wa YBB.
<fn>NWU-NEWS. News14.2009-12-02.tn.txt</fn>
Dikakanyo tse dintšhwa le ditsela tse dintšhwa tsa go dira dilo di ne tsa abelwa meputso e e humileng kwa moletlong wa dijo tsa bosigo o o neng o tshwaretswe mo nakong e sa tswang go feta kwa bafenyi ba Kgaisano ya Dikakanyontšhwa ba Yunibesithi ba neng ba bolelwa teng.
Kabo e, ke karolo ya patlo e e anameng naga ka bophara ya go tsomana le moithuti yo o nang le bokgoni jwa go tla ka dikakanyo tse dintšhwa go gaisa botlhe. Maikaelelo a Kgaisano ya Bosetšhaba ya Dikakanyontšhwa e e tshwarwang ke ba Letlole la Bosetšhaba la Dikakanyontšhwa le le ka ga dikakanyontšhwa tsa thekenoloji ke go tsweletsa bopakakgwebo ka go gwebisana ka dikakanyo tsa bapakakgwebo ba e sa ntseng e le bašwa.
Paulus Kruger, Barend Visser, Okkie de Jager le Gerhard Moerdyk o fentse moputso wa ntlha mo porojekng ya gagwe ya , "Automobile Ignition System"; Uys Jonker, Johannes Bosman, Riaan de Bruyn le Attie Jonker, mo porojekeng ya gagwe ka ga "JSI Revelation", Roelf Botha, Barend Visser, Okkie de Jager, Gerhard Moerdyk mo porojekeng ya gagwe ka ga "Hardware Number Generation." Bafenyi ba ba kwa godimo ba Yunibesithi ya Bokone-Bophirima ba fentse R 50 000, R 30 000 le R 20 000 mongwe le mongwe ka go latelana. Ka tlhamalalo ba tla tsenngwa mo Kgaisanong ya Bosetšhaba ya Dikakanyontšhwa mo ba tla bonang sebaka sa go fenya meputso e megolo go feta mme ba nna le tšhono ya gore go gwebisanwe ka dikakanyo tsa bona ka thuso go tswa go baabi ba matlole ba ba ka nnang teng le ba Ofisi ya Matlole a Bopakakgwebo ba Dikakanyontšhwa.
Go ya ka Rudi van der Walt wa Ofisi ya Dikakanyontšhwa ya Setheo, tsibogelo ya kgaisano e ne e fetile se se neng se solofetswe. O rile: "Tsekedi ya rona, 'be sharp - innovate,' e ne e tshela e le tota mo kgaisanong e. Go bolelwa fa e tla gola tota mo isagong."
<fn>NWU-NEWS. News140.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Sediriso e e gakolosang tshipi ka bonako le ka tlhwatlhwa e e kwa tlase mme e e tokofatsang thekenoloji ya go gotsetsa ya endakšhene se dirile gore Monique Coffee, moithuti wa ngwaga ya 4 wa boenjineri jwa motlakase mo Khampaseng ya Potchefstroom mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima, a amogele kabelo e kgolo le kemo ya ntlha mo kgaisanong ya Setšhaba ya Popontšhwa ka madi a kabelo a R50 000.
Kabelo e amogetswe ka 18 Diphalane 2007 ka moletlo o montle ka mo Galerei ka mo Khampaseng ya Potchefstroom.
Boikwadiso jwa gagwe e ne e le onto ya endakšhene ya mikro e e leng sediriso se se gakolosang tshipi ka bonako ka tlhwatlhwa e e kwa tlase kwa ntle ga go dirisa molelo kapa se se gotetsang. Se dirisa endakšhene ya makanete ya motlakase. Thekenoloji e e dirisiwa thata ka mo intasetering ya bo-rrameno le mo go ba ba betlang dibenya. Se se dirang gore tiro ya ga Monique e nne e e itlhaolang ke gore ka go dirisa thekenoloji e nngwe e e tshegediwang ke YBB e e leng ya patente ya eleketeroniki e e tshwaragantshwang, o na le tshono ya go ka tokofatsa dionto tsa endakšhene go feta gagolo. Boima le tlhwatlhwa ya dionto di tlile go ya kwa tlase ka gore thekeniki e ya gagwe e fokotsa thata dikarolo le mehamo e e dirisiwang go bopa sediriso kapa onto e.
Kemo ya bobedi ya madi a kana ka R30 000 mo kgaisanong e bonwe ke Pieter Vergeer, Gareth Stott le Wynand Cilliers. Bone ba bopile thulaganyo ya theipi go tsenya peo, monontsha le sebolayaditshenekegi ka mo dikgetsaneng tse di telele gore o kgone go di katela mme di mele ka gotlhe se se tlhokegang. Popo e ya bone e bidiwa UNBUNTape. E bopilwe ka pamiri e e reng fa e katelwa e mele. Mmaraka e e lebeletsweng ka popo e ke ya ditšhingwana tsa merafe mo bathong ba ba se nang kitso le tlhaloganyo ya go ka jwala ka tshwanelo. Khumo e e tla rekisetswa mekgatlho e e thusang ka mo merafeng e e tlhokang thuso.
Kemo ya boraro ya madi a kana ka R20 000 e abetswe Ruan van den Heever yo o bopileng APMS Real Time Heart Monitor. Se ke motšhini wa khomputara o o lekantshang dipelo mme o tshwantsha dikardiokerama tsa baatelete ba ba ikatisang ka nako e ba ikatisang ka yone mo mabaleng.
Bafenyi ba bararo ba ba fetela kwa kgaolong ya bobedi ya Kgaisano ya Setšhaba ya Popontšhwa mme ba tla kopana le bafenyi ba ditheo tsa thutogodimo tse dingwe tsa mo Aferika-Borwa. Bafenyi ba bangwe ba mo karolong ya ntlha ya kgaisano ke ba ba latelang: Dale du Plooy le Ziegfried van Huyssteen ka popo ya Nemo Key Ring, e e ka thusang go bona didiriso tse di latlhegileng ka mo ntlong, Ruth Davies le Heinrich Schultz ka Shpinx Security, thulaganyo ya pabalesego e e go romelang SMS fa ditako tsa gago di utswiwa le Tony Plotz ka Ubuntu Sports Consultants, e e leng porokeramo ya khomputara e e lekantshang boitekanelo jwa batshameki ba metshameko fa ba tshameka mme e rulaganye repoto ya bone ka nako e ba tshamekang ka yone.
Ngk. Theuns Eloff, Motlatsa-mokhansaliri wa YBB o rile gore bafenyi ba ka dipopontšhwa tse tsa bone ba thusa go netefatsa ponelopele ya yunibesiti e e leng go nna Yunibesiti ya ketapele ka mo Aferika e e kgweediwang ke kakanyo ya kitso le popontšhwa.
Kgaisano ya Popontšhwa(NIC) e emelwa ditshenyegelo ke Lefapha la Bosaense le Thekenoloji go tlhotlheletsa thekenoloji le popontšhwa ka mo ditheong tsa Thutogodimo tsa mo Aferika-Borwa.
Ba ba neng ba le teng ka moletlo wa dikabelo go tswa mo molemeng ke go tswa mo molemeng: Ruan van den Heever (mofenyi wa maemo a boraro), Monique Coffee (mampodi), Pieter Vergeer (mofenyi wa maemo a bobedi), ngk Theuns Eloff, Motlatsa-Mokhansaliri wa YBB, moporof Annette Combrink, Moreketoro wa Khampase ya Potchefstroom (YBB), Gareth Stott (mofenyi wa maemo a bobedi), Wynand Cilliers, (mofenyi wa maemo a bobedi) le moporof Mariëtte Lowes, Motlatsa moreketoro: Akatemi, Khampase ya Potchefstroom (YBB).
<fn>NWU-NEWS. News141.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Sekolo sa Thutabooki ka mo Khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela maloba se rulagantshe khongerese ya bosupa ya ngwaga le ngwaga gammogo le Yunibesiti ya Malawi ya Tau Lambda-at-Large Chapter - Delivering Evidence-Based Nursing and Midwifery in Africa - kwa Llongwe kwa Malawi.
Tau Lambda ke mokgatlho wa tlotlo e kgolo ya barutabaoki mme ke karolo ya Sigma Theta Tau International (STTI). Ditokolo tsa okgatlho di kopiwa go dumelela botokolo mme batho ba ke ba ba diporosente di le 30% tsa ba ba itlhaolang le baetepele ba thutabooki.
Ka nako ya khongerese moporof Sebi Lekalakala-Mokgele o tlhophilwe go nna Motlatsa-poresidente wa Tau Lambda (2007 - 2009). Mokaedi wa Sekolo sa Thutabooki, moporof. Hester Klopper, go tloga ka 2005 ke ene mokwaledi le motsholamatlotlo.
Tau Lambda e dirisana le STTI ka ponelopele go tlhatlhosa boetapele, bosaense mo tirong, thuto le patlisiso. Phitlhelelo e e botlhokwa thata ya khongerese ya kwa Malawi e ne e le Pego ya Malawi e e beileng togamaano ya go tshegetsa barutabaoki le basadi ba bathusapelego mo Aferika le go tlhabolosa thutabooki go tlhomamisa gore tirelo go merafeng e na le bokgoni jo bo tlhokegang.
Khongerese ya Tau Lambda e e latelang e tla tshwarelwa kwa Eldoret, kwa Kenia ka Phukwi 2008.
Go tswa mo molemeng go ya mojeng go na le moporof Judy Bruce (Moporesidente yo o tlhophilweng wa Wits), mme Marjorie Ngaunje (Tona ya Boitekanelo wa Malawi), moporof Hester Klopper (YBB) le ngk Naomi Seboni (Moporesidente wa Yunibesiti ya Botswana).
<fn>NWU-NEWS. News142.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Ditulo tsa go ithuta tsa patlisiso tse pedi tsa setšhaba ke gone di tswang go abelwa Khampase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) go tswa go Lefapheng la Saense le Thekenoloji.
Moporof Okkie de Jager o amogetse setulo sa fisika ya astro le lefaufau mme ngk Holger Bettinger ka mo tiragatsong ya go bopa dimolekhule.
Moporof de Jager o setse a abetswe kabelo ya moporesidente go tswa go NRF ka 1988 le 1992 le mo tshimologong ya ngwaga a ne a le tokolo ya setlhopha sa babatlisisi ba ba abetsweng ka kabelo ya Descartes ya bosaense go tswa go Khomišheneng ya Yoropa.
Ngk Bettinger jaanong jaana o dira ka mo Lefapheng la Khemi le Boikhemi go tswa go Yunibesiting ya Ruhr kwa Geremane. O setse a amogetse dikabelo tse dintsi tsa patlisiso ya gagwe kwa Geremane mme ene ke tokolo ya Mokgatlho wa Khemi wa Geremane le Amerika.
Go ya ka moporof Manie Vosloo wa Sekolo sa Khemi, ke tlotlo e kgolo go bone go amogela ditulo tsa thuto mme o itumeletse ditlamorago tsa se tse di tla tlisiwang mo tikologong ya patlisiso ya bone.
Setulo se sa go ithuta ke karolo ya Lefapha mo nageng ya rona ya Boitshimolelo jwa ditulo tsa thuto tsa patlisiso (SARChI). Motlele ya SARChI o amogelwa lefatshe ka bophara go tlhabolosa bokgoni jwa go batlisisa go bopa babatlisisi ba boleng jwa lefatshe le go ba busetsa mo nageng le go busetsa babatlisisi ba ba rutegileng ka mo kgaolong ya thuto-godimo.
Lefapha le ikaelela go tlhomela ditulo tse di 210 go fitlhela ka 2010.
<fn>NWU-NEWS. News143.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Khampase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela malobanayana e ne ya bula sebebofatsi se e leng sa ntlha mo lefatsheng la rona le ba tlileng go ithuta tiro e e diriwang ke kgotlhelo ya mowa mo dimeleng.
Dikamore tse tse di bidiwang dikamore tsa "Open-Top"(OTC's) di betlilwe ka mokgwa o o tla bontshang gore dimela di itshwara yang ka mo tikologong e e tsamaisiwang e e leng gaufi le tikologo ya tlholego e di phelang mo go yone. Dikamore tsa OTC di akatswe mme di agilwe ke Moporof Gert Krüger, mofisioloji wa dimela wa Khampase ya Potchefstroom, gammogo le baithuti ba gagwe.
Patlisiso ya ga Moporof. Krüger le baithuti ba babedi ba gagwe ba morago ga didikerii, Pieter Smit le Elmien Heyneke, ba lebelela thata fisioloji ya kgatelelo ya dimela go leka go bona gore dimela d itshwara jang fa di gatelelwa ke kgotlhelo ya mowa mme ba ithute ka ga motheo wa fisioloji le biokhemi ya tse. Tshedimosetso e e tlhokega thata go ka kgona go baya melao ya kgotlhelo ya mowa mo Aferika Borwa.
YBB e biditswe leina go nna senteramo e e emang nokeng ditiro tsa Air Pollution Information Africa (Apina) ka mo Borweng jwa Aferika. Patlisiso e e kopantshitswe le ya khemi ya lefaufau ka mo tlase ga boetapele jwa ga moporof Kobus Pienaar, Diini ya Fakalthi ya Bosaense jwa Tlholego.
YBB e beile thoko madi a kana ka dimileone di le R1,4 ka mo porojekeng e.
Dikamore tsa "Open-Top" tse di agilweng go bona se kgotlhelo ya mowa e se dirang ka dimela, di tlhometswe semmuso fela maloba. Fa re bona baporof Leon van Rensburg (Bosaense jwa Tikologo), Gert Krüger (mofisioloji wa dimela), Mariëtte Lowes (Motlatsamoreketoro: Akatemi), Amanda Lourens (Mokaedi: Thuso ya Patlisiso) le Annette Combrink (Moreketoro: Khampase ya Potchefstroom).
<fn>NWU-NEWS. News144.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom(Potchefstroom Business School (PBS)) ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) e amogetse kgwetlho ya tikologo e e kopang thata ya dikgwedisome ya 21 ka porokerama ya teng ya MBA e e setseng e itsege e le e e tlang ka "maitemogelo a a phelang a dikarabo tsa kgwebo" tsa bophelo jwa nnete le mabaka le ditshono.
Porokerama e e kwadisitsweng semmuso gotlhe-gotlhe ke thuto e e tseneletseng e e bopilweng ka tiro e e bophara le mabaka a a bophara mo bophelong jwa kgwebo. Filosofi kapa kakanyo ya "dikarabo tsa Kgwebo tsa maitemegelo" se fa baithuti bokgoni jwa go dirisa kitso e ba e amogetseng kwa ntlhe ga go senya nako ka mo lefelong la tiro.
Ka go nna sekolo sa kgwebo sa maemo le se se lekanyeditsweng boleng ka mo mmarakeng ya di-MBA tsa mo Aferika Borwa, PBS e fetotse ditogamaano le dikoketso tsa teng tsa porokerama ya yone ya MBA go oketsa boleng jwa yone mo mmarakeng. Go bopa sentšhwa karikhulama ya porokerama ya MBA, le go tsenya dikolo tsa go ruta bokgoni, go dirile gore go oketse le phisego ya Fakalthi ya Ekonomi le Tsamaiso go twelela go na le boetapele ka mo dithutong tsa kgwebo le tirisanommogo ka go dirisa thulaganyo ya mofuta wa go ruta wa go tlhaolela baithiti mo ditlhopheng tsa disindikeiti.
"Ke ka kgatlhego e kgolo e ke bayang setempe sa me sa kamogelo ka mo khosong e e fang baithiti ba MBA bokgoni le kemo nokeng go ka kgona go bopa le go tsosa setso sa tswelelopele le kakanyo ya botogomaano mo dikgwebong le sitheong tsa bonoe", ga bua Moporof Tommy du Plessis, Mokaedi wa PBS.
MBA e rutiwa ka Seesimane ka kwa Khampaseng ya Vaal Triangle mme ka Seaferikanse ka mo Khampaseng ya Potchefstroom, ka porokerama ya nako e e seng ya ruri ka popego ya go ka arabela ditlhokego tsa bathapi. Batho ba ba nang le kgatlhego ba ka tlatsa diforomo tsa kopo ya go ka ikwadisa ka mo inthanete kwa (www.nwu.ac.za/p/pbs (Link: http://www.nwu.ac.za/p/pbs)). Dikopo tsotlhe tse di amogelwa di tlile go tlhaolwa ka go lebelela dipampiri mme botlhe ba tla fetisiwa mo tekong ya Kamogelo ya SHL e e atlholang bokgoni jwa tsamaiso.
Go ka amogela tshedimosetso e e tseneletseng, ikopantshe le Cornelia Veldman kwa (018) 299 1413 / Cornelia. Veldman@nwu.ac.za (Link: mailto: Cornelia. Veldman@nwu.ac.za), kapa Moporof Ronnie Lotriet kwa (018) 299 1406 / Ronald. Lotriet@nwu.ac.za (Link: mailto: Ronald. Lotriet@nwu.ac.za).
<fn>NWU-NEWS. News145.2009-12-02.tn.txt</fn>
VANDERBIJLPARK - Sekolo sa Dipuo ka kwa Khampaseng ya Vaal Triangle ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) e godisitse kharikhulamo ya teng ya ngwaga ya boraro go ya kwa dithutong tse di ratiwang thata tsa Dithuto tsa Neeletsanyo e mo khampaseng e e leng serutwa se segolo sa meijara mo Khampaseng e.
Mokaedi wa Sekolo, Ngk Jan-Louis Kruger, o tlhaloseditse go re:" Go tloga ka 2000 Sekolo se ntse se fetola katiso ya teng go arabela ditlhokego tsa mmaraka. Go tshwana le kgodiso ya porokerama ya Puo ya Tiriso go fitlha kwa maemong a PhD, le tlhomelo ya Dithuto tsa Neeletsanyo go nna meijara di na le maikaelelo a go fa baithuti ba ba fetsang ba ba tla nang le bokgoni jwa go fana ka diphetogo tse di kgolo mo merafeng ya rona ya dipuo tse dintsi le ditlhokego tsa neeletsanyo mme ba ne le tshono e kgolo go ka bona diphatlhatiro."
Dimojulu tse dintšhwa le tsa jaanong jaana tsa Neeletsanyo di thusa Sekolo sa Dipuo mo dikharikhupamong tsa teng tsa dipuo, dipuo tsa tiriso le tse dingwe tsa dikharikhulamo tsa BA ka dirutwa tse dikgolo tsa Hisitori kapa Dithuto tsa Dipoletiki tsa dirutwa tsa meijara. Go fitlhela dirutwa tse di golela go fitlha kwa maemong a Onase ka mo khampaseng ya Vaal Triangle, baithuti ba tla ikopela go dira dithuto tsa bone tsa Onase ka kwa khampaseng ya Potchefstroom.
Baithuti ba ngwaga ya ntlha ka mo dithutong tsa Neeletsanyo ba dira dimojulu tsa matseno tsa media ya batho ba bantsi le bojenale. Baithuti ba ngwaga ya bobedi ba dira dimojulu tsa media ya dikorporatifi, kgatiso le dithuto tsa difilimi mme ba ngwaga ya boraro ba rutiwa dimojulu tse di farologaneng tsa bontle jwa go bona le go utlwa, mefutaya medi ya go bopa ka dikerafo, mekgwa ya go batlisisa, bojenale jwa dikorporatifi, le neeletsanyo ka dimedia tse di farologaneng.
Baithuti ba ditikologo tse dingwe tsa go ithuta ba amogelwa go ka tsaya dirutwa tsa Neeletsanyo go ikhumisa. Go ka bona tshedimosetso e e tseneletseng o ka ikopantsha le Christine van Aardt kwa (016) 910 3463.
<fn>NWU-NEWS. News146.2009-12-02.tn.txt</fn>
Batlatsa-Khansaliri ba bane ba diyunibesiti tsa ditšhabatšhaba malobanyane ba ne ba jele nala go tla mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima(YBB) go golega dithapo tsa tirisano le letloa la diyunibesiti tse di akanyang ka go tshwana.
Moporof Ngk. Lex M Bouter, Moreketoro Magnificus wa Vrije Universiteit ya kwa Amsterdam, Ngk Susan Cole, Moporesidente wa Montclair State University, New Jersey, le Moporof Deian Hopkin, Motlatsa Mokhansaliri wa London South Bank University ba ne ba tlile thomelo ya badirimmogo ba bone ba ba kwa godimo.
"YBB e ile ya tsaya kgato ya go bopa letloa le go buisana le go dirisana dikakanyo ngwaga le ngwaga ka ga mabaka jaaka dikgetlho tse di lebeletseng diyunibesiti tsa segompieno," ga bua Ngk Theuns Eloff, Motlatsa Mokhansaliri.
Tsamaiso ya Dipharologanyo le setšhabatšhabafatso.
Ka Mosupologo wa la 12 Ngwanatsele 2007 ba thomeletso ba kwa Vrije Universiteit ya Amsterdam le Montclair State University ba ne ba etetse Khampase ya Mafikeng le Setheo sa Kgwele ya Maoto, mme ba thomeletso ya kwa London South Bank University ba ne ba amogetswe ka mo dikhampaseng tsa Potchefstroom le Vaal Triangle.
Dithomeletso tsa go tswa kwa London South Bank University go tswa mo molemeng: Ngk Phil Cardew, Motlatsa Mokhansaliri wa Pro wa Go Ruta le Merero ya Baithuti, Ngk Ed Tinley, Tlhogo ya Ofisi ya Patlisiso le Tlhabololo ya Kgwebo, Mme Carol Campayne, Mokaedi wa Tekatekanyo le Pharologano, Ngk Deian Hopkin, Motlatsa Mokhansaliri le Ngk Theuns Eloff, Motlatsa Mokhansaliri wa YBB.
Thomeletso go tswa kwa Montclair State University kwa New Jersey malobanyana ba ne ba etetse YBB. Go tswa mo molemeng ke: Ngk Karen Pennington, Motlatsa-moporesidente: Tlhabololo ya Baithuti le Bophelo jwa Khampase, Ngk Ada Beth Cutler, Diini: Kholetšhe ya Thuto le Tirelo ya Batho, Ngk Susan Cole, Moporesidente, Ngk Theuns Eloff, YBB-Motlatsa-Mokhansaliri, le Mme Lauretta Bruno, moemedi wa YBB kwa New York.
Setlhopha sa go tswa kwa Vrije Universiteit, kwa Amsterdam se ne se le go tswa mo molemeng: Moporof Peter Beek, Diini: Bosaense ya go Tsikinyo ya Mmele, Ngk Harry Wels, Lefapha la Setso, Thulaganyo le Taolo, Moporof Ngk Lex Bouter, Moreketoro Magnificus, Ngk René Smit, Modulasetulo: Boto ya Khdutamaga, le Moporof Harmen Verbrugge, Diini: Bosaense jwa Ekonomi le Kgwebo.
Ngk Ada Beth Cutler (kgakala mo mojeng) wa kwa Montclair University, New Jersey, o buisana lebaka le (go tswa molemeng) Moporof Dan Kgwadi, Moreketoro: Khampase ya Mafikeng, YBB, Mme Lauretta Bruno, moemedi wa YBB kwa New York, le Ngk Harry Wels wa kwa Vrije University, kwa Amsterdam.
<fn>NWU-NEWS. News147.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Khampase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) a abetse ya ntlha ya dibata tsa digwele mo go tse pedi go ya go ntlo ya Aandblomtuiste kwa Strydenburg.
Bata e ya Quadro ya digwele e betlilwe ke baithuti ba Boenjineri jwa Mekhenikale ka mo Khampaseng mo porojekeng ya bone ya go diragatsa kitso ya bone ka mo tikologong ya dithuto ya Boenjineri jwa Dithulaganyo. Bata e bopilwe go thusa baoki ka balwetsi le digwele go tlhokomela gore baoki ba ba se utlwise mekwatla ya bone botlhoko.
Go ya ka Moporof Johan Roberts, motlhatlheledimogolo wa Boenjineri jwa Mekhenikale, o tlhophile porojeke e ka gore e ne e siame go tsamaisana le kitso e ba nang le yone mo ngwageng ya bone ya boraro le ya bone mo dithutong tsa bone mo Boenjinering jwa Mekhenikale.
Popo ya ntlha e ne e bopilwe ke Ricus Coetzee le JJ Groenewald mme morago ya tokofatswa ke Gert van Eeden, Jacques Silvis le Corrie du Plessis mo ngwageng e e latelang. Ka 2006 Francois de Waal o ile a fetsa popo ya ntlha ka go e tokofatsa go feta gape mme go tlhomamisa gore e sireletsa le pabalesego ya balwetsi le digwele le go tokofatsa le moelo wa metsi go tswa mo bateng le go dira diteko tsa mo tirisong ka mo Witrand.
Aandblomtuiste e ne e na le tlhokego ya bata e, mme morago ga leeto mo YBB la ga Adri van der Merwe (Moithuti wa Bokhemisi) le Hennie Maré, ka bobedi ba ba tswang kwa Strydenburg, ba ne ba simolola go buisana le Yunibesiti ka ga bata.
Popego ya thulaganyo e ya bata e tla thusa badiri ba kwa Aandblomtuiste go tsholetsa le go thusa balwetsi le badudi ba ba 30, ka boima jwa mebele jwa go fitlha kwa dikilokerameng tse di 120kg, ka letsatsi gore ba kgone go dira tiro ya bone kwa ntle ga mathata.
Sekolo sa Boenjineri jwa Mekhenikale ba ne ba akanya go abela bata e ya ntlha ya teko go Aandblomtuiste ka se e le tirelo ya bone go merafe ka bophara. Le fa go le jalo gore bata e sa le ya teko le go tlhabolola khumo e e ka dirisiwa ka katlego e kgolo kwa Aandblomtuiste.
<fn>NWU-NEWS. News149.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Baithuti ba Boenjineri jwa Bometšhini ka mo Khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ba dirisitse boitseanape jwa bone ba dilemo di le supa go ka thusa gore baoki ba mo Sepetlele sa Witrand ba se tlhole ba tlholwa ke tiro ya go tlhapisa digwele.
Go ya ka Ngaka Ebrahim Sooliman, Motlhankedimogolo wa tiragatso wa Sepetlele sa Witrand sediriso se tla dirisiwa go thusa thata ka kalafo ya digwele. A re kalafo le kemo nokeng ya digwele e tokafetsa thata go ka kgona go ba fodisa gore ba kgone go tsaya kemo ya boikarabelo gape ka mo morafeng le mo bophelong.
Go ya ka Mor. Johan Roberts, motlhatlheledimogolo wa Boenjineri jwa Bometšhini porojeke e ne e siametse katiso le thuto mme go ne go le botoka go feta ka gore go thusitse le ditlhokego tsa morafe. Badiredi ba baoki ba kwa Sepetlele sa Witrand ba ba thusang ba ba digwele thata ba tla thusega gagolo ka gore ba ka se tlhole ba itematsa mekwatla fa ba batla go tsenya le go ntsha digwele ka mo dibateng.
Sediriso se sa "quadrulift" se bopilwe ka thuso ya difisioterapi le ditiroterapi le baoki ka se e ne e le karolo ya dithuto tsa baithuti ba boenjineri go dirisa kitso le teori ya dithuto tsa bone tsa dithulaganyo le dipopo tsa meganiki le go dirisana tse tsotlhe mmogo. Mabaka a a tshwanang le go tshegetsa, go tlhokomela tlhwatlhwa, bogolo jwa sediriso le bontle le bokgoni jwa go ka di betla di ne tsa akangwa tsotlhe.
Setlhopha sa baithuti, JP Steyl, Henry Townsend, Thys Uys, Le Roux van den Berg, Jaco Vermaak, CJ Vos, Justin Willemse le Jaco Wood ba ile ba tla ka kakanyo ya popo e e ileng ya kgotsofatsa baitsegotlhe ba Witrand go ka arabela ditlhokego tsa bone. Lucas Pitso o ile a bopa bogolo jwa sediriso sa ntlha sa teko mme a e aga mme ba dira diteko. Mo selemong se se latelang Gideon Jacobs a e bopa mme a e fetsa mme a baakanya diphoso mme a tokafatsa fa le fa mme a dira diteko tse dingwe. Mor Thabo Diobe, motegeniki wa fakalthi o ile a ema baithuti nokeng ka go bopa sediriso.
Quadrulift e arabela le dikopo tsa SABS tse di reng gore sediriso se se nang le gagamalo e e kwa tlase ga 12 V e ka tsengwa mo godimo ga bata. Sediriso sa go tsholetsa se ka tsholetsa 120 kg mme e ka fitlhelela dimetara tse 1,6 m mme e ka tšhika 190°.
Quadrulift e ile ya bontshiwa mme ya tlhalosetswa badiri ba Sepetlele sa Witrand ka nako ya go e ba fa semmuso. Fa go na le barena Johan Roberts, motlhatlheledimogolo wa Boenjineri jwa Bometšhini, Thabo Diobe, Motegeniki wa mo Sekolong sa Boenjineri jwa Bometšhini, mme Catherine Motitimi, mooki, ngk Ebrahim Sooliman, CEO wa Witrand, le mme Annetjie du Bruin, Motsamaisi wa Baoki kwa Witrand.
<fn>NWU-NEWS. News150.2009-12-02.tn.txt</fn>
Moporof. Marius Potgieter wa Yuniti ya Fisika ya Tlholego yo jaanong jaana e leng Mokaedi wa Sekolo sa Fisika ka mo Khampaseng ya Potchefstroom mo YBB fela malobanyana o amogetse katlholo ya A1 ya bobatlisisi go tswa go NRF(National Research Foundation). Se ke katlholo e e kwa godimo-dimo e e abelwang babatlisisi kwa NRF.
Potgieter jaanong jaana ke mmatlisisi a le mongwe ka mo tikologong ya gagwe ya thuto ka katlholo ya A1 ka mo YBB. Katlholo ya A e abelwa babatlisisi ba ba itlhaolang go nna baetapele ka mo ditikologong tsa bone tsa patlisiso ka mo lefatsheng ka bophara. Ka Potgieter a le mmatlisisi yo moswa o ile a amogela kabelo ya tlotlo ya NRF President's Award.
Potgieter o na le dilemo di le 30 a le modirimmogo ka mo Khampaseng ya Potchefstroom mme ene o ipona a godisitswe ke Moporof. Pieter Stoker. Moporof. Pieter Stoker, moporofesara yo a thotseng tiro ka mo Fisika, yo a santseng a tswelela ka patlisiso, o jele selemo sa gagwe sa bo masorobedi. Ke ene yo o neng a na le boikarabelo jwa go tlhomela patlisiso le dithuto tsa morago ga didikerii tsa Fisika ka mo PU for CHE ya pele ka 1950.
Patlisiso ya ga Potgieter ke ka ga fisika ya tlholego ya helioseperiki mme thata tiro ya letsatsi ka mo marannyeng a letsatsi mo marannyeng a kosemiki le mo tlholegong ya dinaledi e e gaufi. Tse di balela le patlisiso ya bosa jwa lefaufau le kelaemete ya lefaufau. Ditiro tse dintsi tsa gagwe ke go bopa ka dipalo popego ya lefaufau la heliosekopiki le ditiro tsa marang a kosemiki di le dikarolonyana tse di fetotsweng ka mo heliosefere le ditiragalo tsa fisikale tse di di amang.
"Dimotlele di bapisiwa mme di lekiwa go bapa le tse di bonwang ke difofalefaufau tsa Voyager ya NASA le Ulysses ya ESA tse di lebelelang heliosefere go tswa mo lefatsheng le bofelo jwa heliosefere le go dikologa le letsatsi. Go ya ka ditumelano tse dintsi tsa patlisiso, setlhopha sa fisika ya heliosefere(mo go balelwang le Baporof Harm Moraal, Adri Burger le Stefan Ferreira) se fana ka thuso le thuto e ntsi ka mo fisika ya heliosefere go kgona go tlhalosa tse di bonwang le go ka dira diponelopele tse di ka bonwang ke difofalefaufau,"ga bua Potgieter.
<fn>NWU-NEWS. News151.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Diporosente tse di 7 tsa bana ba sekolo ba a goga, 6% ya bone ba goga sekerete ya ntlha pele ba na le dilemo tse di lesome, se se ratiwang go feta go jesa nako ke go bua ke mogala wa letheka, palo e e ka nang 40% ya bana ga ba ikatise sepe kapa gannye fela, mme ba ba sa direng sepe ke setlhopha sa basetsana magareng a dilemo tse di 16 le 19 ba merafe e e neng e setse kwa morago pele.
Tse ke tse dingwe tsa dilo tse di lemogilweng ka mo karateng ya repoto ya boitekanelo jwa bana ba mo Aferika Borwa e e dirilweng ke setlhopha sa babatlisisi go baletswe le Moporof Salomé Kruger, yo mongwe wa babatlisisi wa moetapele ka mo dijong tsa bana mo Khampaseng ya Potchefstroom ya YBB.
Babatlisisi ba ba robongwe ba mo Aferika Borwa ba dira ka maatla mo kgaolong ya patlisiso ya boitekanelo jwa bana mme ba kwala repoto ka tirisanommogo ya Setheo sa Bosaense jwa Metshameko sa Aferika Borwa le Discovery Vitality go ka lemoga gore bana ba mo Aferika Borwa ba phela ka boitekanelo kapa kwa ntle ga boitekanelo.
Ditokolo tsa setlhopha sa babatlisisi ba kwa diyunibesiting tsa Kapa, Kapa Bophirima, Bokone-Bophirima, Wits le Khansele ya Patlisiso ya Bongaga, fela maloba ba ile ba kopana kwa Kapa go akaretsa le go tlhaloganya diphitlhelelo tsa dipatlisiso. Setlhopha sa tiro se na le maikaelo a go dira jalo le go ntšhwafatsa karata ya repoto ngwaga le ngwaga.
Karata ya repoto e lebeletse ka mo dikatlegong tse di bonweng mme mo dikgatong tse di tseilweng go godisa boitekanelo mo baneng.
Karata ya repoto ka ga boitekanelo jwa bana ka mo Aferika Borwa e bopilwe fela maloba ka tirisano ya setlhopha sa babatlisisi.
<fn>NWU-NEWS. News152.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Mo e ka nnang diperesente di le 38 tsa baithuti ba ngwaga wa ntlha ba ba gorogileng mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesithi ya Bokone-Bophirima (NWU) ka Lamatlhatso wa di 19 tsa Ferikgong ke ba palogare ya diperesente tsa bone tsa go falola ditlhatlhobo tsa bone e fitlhileng kwa go diperesente di le 75 kgotsa go feta.
Seno ke bosupi jwa gore boleng jwa baithuti ba ba tswang mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya NWU e a tokafala ngwaga le ngwaga, mme seno ke sone se se dirang gore NWU jaanong e bo e na le direiti tse di kwa godimo go di feta tsotlhe tsa go falola ditlhatlhobo ga baithuti mo diyunibesithing tsotlhe mo nageng ya rona. Seno se tsamaisana sentle le go gatelela ga puso gore go tokafadiwa direiti tsa go falola ditlhatlhobo ga baithuti mo ditheong tsa thuto sa thešiari.
Fa Reketoro wa Khamphase e leng Porofesa Annette Combrink a ne a neela puo ya go amogela baithuti bano, o ne a bolelela batla-bosheng bano ba ka nna 3 200 mmogo le batsadi ba bone gore Khamphase ya Potchefstroom e boile gape e dirile go feta mokgele o e neng e ipeetse one wa ngwaga ka go nna le palo e e kwa godimo go feta ya baithuti ba ba amogetsweng mo go yone, ba ba tlileng go ithuta dithuto tse di botlhokwa tse di jaaka famasi, thuto ya dipalo, disaense tsa pholo le boenjenere.
"Go boloka boleng jo bo kwa godimo jwa go ithuta le go tlhabololwa ga jone go tsewa masisi tota ka go tlhatlhobiwa ka metlha ga ditlhopha tsa patlisiso mo dinageng tse di farologaneng le go sekasekwa ga tsone ke dikhansele tsa seporofešenale," go bolela jalo Porofesa Combrink.
Go ya ka ene, boikaelelo-bogolo jwa NWU ke go fetola baithuti gore e nne batho ba ba itseng go jela dilo tlhogo, ba ba kgonang go rarabolola mathata le go nna le mekgele mo botshelong gore kwa bofelong ba kgone go baakanyediwa porofešene ya bone ka tshwanelo.
Ngaka Theuns Eloff, e leng Mothusa-Mokanseleri wa NWU, a re o ne a le motlotlo go tlhalosa morago ga dingwaga di le tharo gore go kopanngwa ga ditheo tsa NWU gore e nne setheo se le sengwe fela go atlegile tota. Thulaganyo ya go dira gore go se ka ga nna le pharologano e ntsi thata fa gare ga dikhamphase tseno Yunibesithi e le nngwe, le go boloka tekatekano fa gare ga go tlhagisa matswela a a molemo ga tsone le maitemogelo a tsone le go tlhomama mo tseleng ya tsone ya go dira dilo, go tlhomamisa gore tiro ya konokono ya NWU, e leng go ruta le go dira patlisiso, e ka gatelapele.
Go ya ka Ngaka Eloff, gone jaanong jaana NWU ke yunibesithi ya borataro e kgolo go di feta tsotlhe mo nageng ya rona, e e nang le baithuti ba ka nna 52 000 ba ba ikwadisitseng mo dikhamphaseng tsotlhe tsa yone tse tharo, mme baithuti ba tsone ba ba 24 000 ke ba ba ithutang ba se mo dikhamphaseng tseno. A re NWU e ikaeletse go kwadisa baithuti ba ka nna 5 000 kwa dikhamphaseng tse tharo mono-ngwaga.
Ka Lamatlhatso, Khamphase ya NWU ya kwa Potchefstroom e ne ya amogela mo e ka nnang baithuti ba ngwaga wa ntlha ba le 3 200 mmogo le batsadi ba bone. Mo gare ga batla-bosheng bano, go na le mawelana a modiri yo o tumileng thata wa difilimi le rrametlae e leng Leon Schuster. Go tswa kafa molemeng ke Ngaka Theuns Eloff (Mothusa-Mokanseleri wa NWU), Porofesa Annette Combrink (Reketoro wa Khamphase), Shelley le mmaagwe e leng Lalie, Leon, Ernest le Rre Willem Pienaar (Mokaedi: Tsamaiso ya Botsamaisi jwa Akhademi).
Bcom ya kgwebo.
Mofenyi wa kgaisano ya dibui tsa phatlalatsa tsa ATKV (ba bagolo, ba puo e e seng ya gabone ya Seburu) le mosimane yo e leng tlhogo ya diporifekete tsa Sekolo se Segolo sa Waterkloof, e leng Piet Matipa, o ikwadiseditse Dithuto Tsa Tlhaeletsano tsa BA kwa NWU. O tlotla fano le Reketoro wa Khamphase, e leng Porofesa Annette Combrink, le Mothusa-Mokanseleri, e leng Ngaka Theuns Eloff, moragonyana fela ga moletlo wa kamogelo.
<fn>NWU-NEWS. News153.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Mo khonferenseng ya yone ya bosetšhaba e e neng e tshwerwe maloba jaana, Education Association of South Africa (EASA) e ne ya abela Porofesa Petra Engelbrecht, eleng Modini wa Lefapha la Disaense Tsa Thuto mo Khamphaseng ya Bokone-Bophirma ya Potchefstroom metlele wa go nna mmatlisisi yo mogolo.
Porofesa Engelbrecht o ne a akgolelwa tsela e e manontlhotlho e a nnileng le seabe ka yone mo go direng dipatlisiso tsa thuto; seabe se segolo se a nnileng le sone mo go tlhomeng tsamaiso ya thuto ya go tshwarwa ga botlhe ka tekatekano le seabe sa gagwe mo go thuseng badiri-mmogo go gatela pele mo tirong ya bone le mo mokgweng wa bone wa go dira tiro a bone ka tsela ya seporofešenale mo mafapheng a thuto le a boithutatlhaloganyo.
O ne a re: "Ke motlotlo tota go amogela metlele ono wa patlisiso e ke e dirileng mo dingwageng di le 16 tse di fetileng." A bo a oketsa ka go re, "Awate eno gape ke ya go akgola le badiri-ka-nna ba ba neng ba dira le nna re le setlhopha se se dirang patlisiso, re tlhomile mogopolo mo mokgeleng wa rona - wa go tlhama le go tlhoma thuto e e akaretsang botlhe mo Aforika Borwa!"
Porofesa Engelbrech, yo o itsegeng kwa dinagang tsa boditšhabatšhaba le mo nageng ya rona jaaka mmatlisisi le motlhatlheledi, o ne a newa katiso ya seporofešenale mo thutong ya boithutatlhaloganyo le ya thuto kwa Yunibesithing ya Pretoria le UNISA. O ne a simolola mokgele wa gagwe wa seporofešenale kwa Yunibesithing ya Pretoria jaaka motlhatlheledimogolo le moporofesa-mmogo mme a fudugela kwa Yunibesithing ya Stellenbosch kwa a fitlhileng a nna porofesa le modulasetulo gone. Ka 2004, o ne a nna mokaedi le mokaedimogolo wa patlisiso, mme ka Mopitlwe wa 2007 a tlhomiwa go nna Modini wa Lefapha la Disaense Tsa Thuto kwa NWU.
Porofesa Petra Engelbrecht, Modini wa Lefapha la Disaense Tsa Thuto.
<fn>NWU-NEWS. News154.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Porofesa Tommy du Plessis, Mokaedi wa Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom (PBS ka Seesemane) kwa Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesithi ya Bokone-Bophirma (NWU) o tlile go tshwara gape khoso mo ngwageng ono ya batho ba ba batlang go nna bagwebi, khoso ya Kafa o ka simololang kgwebo ka gone le go e tsamaisa.
Khoso eno e diretswe gore batho ba ba batlang go nna bagwebi, ba rutwe tsela yotlhe e e mosola ya kafa kgwebo e tsamaisiwang ka gone mme ka fela ya ba ba batlang go itlhomela kgotsa go nna le dikgwebo tsa bone.
Mo mmojuleng wa ntlha, go tlotlwa e bile go sekasekwa dintlha tse di dirang gore bagwebi ba atlege, mme batho ba ba tlileng thutong eno ba newa tšhono ya itlhatlhoba ka mokgwa o o tshwanetseng. Mmojule wa bobedi o tlotla ka mekgwa ya go sekaseka kgwebo go bona gore a e itsetsepetse sentle, mme mo mmojuleng wa bo 3, batho ba ba tlileng mo thutong eno ba rutwa go kwala thulaganyo ya kgwebo ya bone. Mmojule wa bofelo o lemotsha batho ba ba tlileng mo thutong eno dikgono tse ba santseng ba tshwanelwa ke go nna le tsone go tlhomamisa gore dikgwebo tsa bone di nne di ntse di atlegile ka dinako tsotlhe.
Mo dingwageng di le tharo tse di fetileng, khoso eno e ne ya tshwarelwa kwa London lekgetlo la ntlha, morago ga gore PBS le setlamo sa molao se se kwa London, e leng Breytenbachs, di dirisane mmogo mo go emeng Ba-Aforika Borwa ba ba berekang kwa London nokeng ka go ba naya kgakololo ya gore ba ka simolola jang dikgwebo tsa bone fa ba boela mo Aforika Borwa.
Porofesa du Plessis ke mokwadi wa ka metlha wa kholomo ya Sake 24, e e tlhabang botlhale dikgwebo tse dinnye le tsa bogolo jo bo mo magareng, le go naya kgakololo ka dikgang tse dintsi tse di farologaneng malebana le kgwebo le go e laola. Gape, o lalediwa ka metlha mo lenaneong la Radio Sonder Grense's (RSG) Rand en Sent go tla go naya batho kgakololo mo go lone, gape o abela SA Times e e gatisiwang kwa London ditlhogo tse a di kwadileng ka go tlhoma dikgwebo tse dintšha.
Khoso eno e tsaya malatsi a le mabedi, mme tshwarelwa kwa Potchefstroom mme tlhogo ya motho e duela R1200 khoso e le nngwe. Tsweetswee ikgolaganye le Laurette Strauss mo nomoreng ya (018) 299 1636 fa o na le dipotso tse di oketsegileng.
Porofesa Tommy du Plessis, Mokaedi wa Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom (PBS ka Seesemane).
<fn>NWU-NEWS. News155.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e dirile go feta ditheo tsotlhe tsa mo thutong e e kwa godimo mo Aferika Borwa ka go abela mo tirisong ya dipuo tse dintsi le go aga setšhaba mo dingwageng di le lesome tse di fetileng. Tiro e ya matsapa e dirile gore YBB e amogele kabelo go tswa go PanSALB(Pan-South African Language Board) ka nako ya moletlo o kgatlhisang e e neng e tshwaretswe kwa Emperor's Palace kwa Gauteng ka letsatsi la 2 la Tlhakole 2008.
Moporof Marlene Verhoef, Mokaedi wa Setheo: Bokaedi jwa Dipuo le modirimogolo mo pholising ya YBB ya dipuo tse dintsi, o dumela gore mokgwa o yunibesiti o diragatsang tiro ya yone ya tiriso ya dipuo tse dintsi o amogetse kgatlhego ya baatlhodi mme ga dira gore kabelo e abelwe YBB.
"YBB e itumeletse kabelo thata" ga bua Moporof Verhoef. "E re tlhotlheletsa go tswelela mo tseleng e YBB e e palameng e e leng mo go yone ya dipuo tse dintsi."
Bokaedi jwa Dipuo ya YBB e tlhometse mefutafuta ya diporojeke tsa popontšhwa go tsweletsa tiriso ya dipuo tse dintsi jaaka go kgonagala ka mo Yunibesiting le ka mo tikologong.
Porojeke e nngwe e e bulang tsela ke ya tirelo ya go fetola ka mo diphaposiborutelong e e fang baithuti tshonno ya go ka ikwadisetsa diporokerama tsa akatemi tse di tlhokegang. Ditirelo tsa go fetola ga di diriwe fela ka mo dikhampaseng tsa YBB mme di diriwa le ka mo Kholetšheng ya Bolemirui ya Potchefstroom mme gape tirelo e ile ya oketswa gape go ya kwa dikolong. Sekolo sa kwa Hoërskool Frikkie Meyer kwa Thabazimbi le sa Central Primary School mo Potchefstroom ba setse ba bona maungo a tirelo e mme YBB e akanya go oketsa tirelo e go ya kwa dikolong tse dingwe ka mo diporofenseng tse dingwe.
YBB e ile ya baya repoto e e tseneletseng ka ga pholisis ya dipuo le tlhomelo ya teng ka mo pele ga baatlhodi ba PanSALB ba kgaisano ya dipuo tse dintsi. Kgaisano e ne e rulagantswe ke PanSALB go jela mokete wa gore ba na le dilemo tse di lesome jaanong.
Rhodes University ba dule mo maemong a bobedi ka mo karolong ya ditheo tsa thuto e e kwa godimo.
Moporof Marlene Verhoef, Mokaedi wa Setheo: Bokaedi jwa Dipuo, o ntsha sehuba ka kabelo go tswa go PanSAT e e abetsweng YBB ka matsapa go godisa tiriso ya dipuo tse dintsi le go aga setshaba mo karolong ya Thuto-Godimo.
<fn>NWU-NEWS. News156.2009-12-02.tn.txt</fn>
VANDERBIJLPARK - Barutwana ba ba fetang 5 000 go tswa mo dikolong tsa Vaal Triangle ba tla bona mosola wa Porojeke ya Kuranta ka mo Thutong (Newspaper in Education Project (NEP)), e e leng ngwana wa tirisano magareng a Khampase ya Vaal Triangle ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) le MooiVaal Media.
Porojeke e ne e tlhometswe ka mo Khampaseng fela maloba ka maikaelelo a go tokofatsa boleng jwa thuto ka mo merafeng ya Vaal Triangle ka go godisa setso sa babadi ka mo merafeng le go lwantsha tlhokego ya go bala le go kwala.
NEP e lebeletse go fana ka tshono ya go ka rarabololoa ka tlhaloganyo, go bontsha tlhaloganyo le gore go itemogela mosola wa dikuranta ka mo merafeng ya temokerasi le maitshwaro a theo le go ka ipuela ka kgololesego mme gape le go tlhotlheletsa boikarabelo jwa badudi ba lefatshe gore barutwana ba ne le kutlwelobotlhoko ka ga dipharologano tsa mo merafeng le dipuisano tsa mo merafeng.
Ka nako ya porojeke, tirisano ya barutwana e tla nna go tlatsa "paseporoto ya go bala" e e tla nang le dipotso tsa ditiragalo tsa go tsamaisana le merafe ya bone tse di neng di le mo media. Morago ga porojeke morutwana mongwe le mongwe yo o dirisaneng o tla amogela setifikeiti.
Ka mo puong ya gagwe, moreketoro wa Khampase, Moporof Piet Prinsloo, o lekantshitse dikolo tsa mo tikologong ya Vaal Triangle le "lefatshe la temo e e humileng" ka baetapele le bagwebi ba bantšhwa mme ka lebaka le, Khampase e na le boikarabelo bo bogolo jwa go bopa dithulaganyo tse di kgonang go aga le go fana ka kemo nokeng.
"Porojeke ga e sedifatse fela tiro e kgolo e media e e dirang ka mo merafeng mme gape e bontsha boineelo jwa Khampase go tlisa tokofatso ya selegae le go maatlafatsa tikologo," ga bua mme Annette Willemse, Modiredi wa Neeletsanyo ya Korporatifi wa Khampase ya Vaal Triangle.
NEP pele e ne e le kakanyo ya mo ditšhabatšhabeng mme e tlhometswe le mo Aferika Borwa ka katlego e kgolo. MooiVaal Media ke kuranta ya mo morafeng e e leng ka mo tlase ga Media24.
Ditokolo go tswa mo Lefapheng la Mebaraka la mo Khampaseng ya mo Vaal Triangle ka nako ya tlhomelo ya Porojeke ya Kuranta ka mo Thutong. Go tswa ka mo molemeng go na le moh Alwine Naude, Moporof Piet van Wyk le moh Carla Dippenaar.
Mor Daan Marx, tlhogo ya sekolo sa kwa Heidelberg Volkskool, gammogo le baemedi ba MooiVaal Media, bomme Ria van Vuuren le Penelope van Vuuren.
Mor Bertie Visser, Mokaedi-mogolo: Ditšhelete le Dibebofatsi (wa bobedi mo molemeng) le Mor Thys Foord, Molaodi-mogolo: MooiVaal Media (wa bobedi mo mojeng) le diporinsipala tsa dikolo tse di mmalwa tsa mo tokologong ya Vaal Triangle.
<fn>NWU-NEWS. News157.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Sekolo sa Kgwebo sa mo Potchefstroom (PBS) ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela maloba se ile sa bopa Porokerama ya Balaodi ba Bokamoso (Programme for Emerging Managers (PEM)) go ema nokeng batsamaisi ba mo moleng wa ntlha gore ba kgone go tsena mo diphatlhatiro tsa bolaodi.
Balaodi ba bantsi ba ba nang le bokgoni nako e ntsi ga ba kgone go tselela godimo go nna balaodi ka gore ba tlhoka dithuto le maitemogela a bolaodi. PEM e bopilwe gore o tlatse tlhokego e e leng teng ya bokgoni mme e tla fa batsamaisi ba mola wa ntlha ka motheo o o tiileng wa bokgoni jwa kgwebo le kitso gore go tlhabololwe tlhaloganyo ya bone le go oketsa boleng mo setheong le gore ba emele tlhatlhoso go ya kwa godimo.
Porokerama e bopilwe ka ditlhogo tse di tshwanang le mekgwa ya tlwaelo ya tsamaiso e e siameng, taolo ya batho, taolo ya ditiro le taolo ya metswedi ya ditšhelete mme gotlhe go kwadisitswe ka mo leweleng ya botlhano ya Thulaganyo ya Dithuto ya Setšhaba (National Qualifications Framework (NQF)).
Porokerama e na le diboloko tsa thuto tse nne tsa ruri tsa thuto tsa malatsi a mabedi mo go e nngwe le e nngwe mme di tla simolwa ka Motsheganong, Seetebosigo, Phatwe le Diphalane. Botlhokwa jwa tiriso ya kitso le mabaka a tiori, baithuti ba tshwanetse go dira ditiro le go kwala tlhatlhobo ya dibuka tse di butsweng. Go ka amogela tshedimosetso o ka ikopantsha le Cornelia Veldman kwa (018) 299 1419 / pbsinfo@nwu.ac.za (Link: mailto:pbsinfo@nwu.ac.za).
Klika fa go bala go feta&nbsp; Link: http://www.puk.ac.za/fakulteite/ekon/pbs/Programme_for_Emerging_Managers_e.
<fn>NWU-NEWS. News158.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Ngwaga e bana ba ba supa go tswa mo go ba ba 14 ka mo kgaleng ya motheo mo phaposing ya bana ba ba thusiwang kwa sekolong sa Central Primary School ka mo Potchefstroom ba itsisitswe tirelo ya go toloka ya kwa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) mme jaanong ba kgona go utlwa dithuto tsa bone tsa dipalo ka leleme la bomme.
Moh Dipuo Maphakathi, motoloki wa Bokaedi jwa Dipuo jwa mo YBB o tolokela barutwana go tswa kwa Seesimaneng go ya kwa Setswaneng. E nngwe ya maikaelelo a porojeke ke go tlhomamisa gore go tolokela kwa lelemeng la ga mme go ka fetola jang go tlhaloganya tiro ya bana le gore go tokofatsa jang tirisanommogo ya bone mo phaposing le go bona gore a maduo a a oketsega.
Ka go oketsa tirelo ya mo YBB, Central Primary ke setheo sa boraro se se bonang mosola wa tirelo ya botoloki ya YBB. Go tloga tlhomelo ya Tirelo ya Bokaedi jwa Dipuo ya go tolokela ka nako e le nngwe ka mo diphaposing tsa borutelo ka mo dikhampaseng tsa YBB gore ba tle ba bulele ditsela mo diporokerameng tse di tlhokegang, tirelo e ne ya godisiwa le go ya kwa Potchefstroom Agricultural College le kwa sekolong sa Hoërskool Frikkie Meyer kwa Thabazimbi.
Le fa tirelo kwa Frikkie Meyer e ile ya tlhomelwa fela ka mo phaposing ya bosaense jwa khomputara, jaanong e tlabolotswe le kwa dirutweng tsa bioloji le ekonimiki ya kgwebo mo digerateng tse di junia mme batoloki ba bangwe ba setse ba katisitswe mme ba dirisiwa.
"Ka lebaka la dikatlego tsa kwa Frikkie Meyer le gape mo Central Primary School, jaanong jaana e lebelela bokgoni jwa go ka godisa tirelo e go ya kwa dikolong tse dingwe - ka tsholofelo, gongwe kwa diporofenseng tsotlhe," ga bua Moporof Verhoef Mokaedi wa Bokaedi jwa Dipuo ka mo YBB.
Kwa Kholetšheng ya Bolemirui ya mo Potchefstroom, tirelo e diriwa mo dikhoso tsotlhe mme mo dikhampaseng palo ya dithuto di oketsa ngwag le ngwaga go fitlhela tirelo e okeditswe go fitlha kwa dingwageng tsa boraro le tsa bonne.
Bokaedi jwa Dipuo, ka tirisanommogo ya badirimmogo ba diyunibesiti tse dingwe ba ikaeletse go kwala diathikele tsa patlisiso tse di mmalwa ka tlhogo ya bofetoledi ka mo thutong.
Barutwana ba babedi ba kwa Central Primary School ba reetsa go dirisa dimaekerofouno go ka utlwa monate thuto ya bone ka Setswana, leleme la bomme. Kwa morago go na le Moh. Dipuo Maphakathi, motoloki wa Bokaedi jwa Dipuo wa YBB, yo o boikarabelo go tolokela go tswa kwa Seesimaneng go ya kwa Setswaneng.
<fn>NWU-NEWS. News159.2009-12-02.tn.txt</fn>
VANDERBIJLPARK - Moporof Linda Theron, motlhetlheledi wa Sekolo sa Bosaense jwa thuto ka mo Khampaseng ya Vaal Triangle ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) o kopile go nna mothusi wa moitseanape wa tikologo mo porojekeng ya HEAIDS ya HESA e e bidiwang: "Piloting of HIV modules in Teacher Education Facilities in the higher education institutions in South Africa"(Go simolola go tlhomela dimojulu tsa HIV ka mo Difakalthing tsa Thuto ya Barutabana ka mo ditheong tsa Thuto Godimo mo aferika Borwa").
Porojeke e, e tsamayang go fitlhela ka Motsheganong wa 2009, e tsentse maikaelelo a go tlhotlheletsa le go thusa ditheo tsa Thuto Godimo go go ruta barutabana ba ba rutiwang go kgona go dirisana le mathata a mantsi a leroborobo la HIV/Aids.
Gammogo le porojeke ya HEAIDS, porojeke ya ga Moporof Theron e e thusiwang ke NRF ya "Resilient Educators" (REds) e tla tlhomelwa mo barutabaneng ba Katiso ya Bophelo mo Gauteng, Foreisetata, Mpumalanga le Bokone-Bophirima ka ngwaga ya 2008. Moporof Herman Strydom (YBB), Moporof Rina Delport, Yunibesiti ya Pretoria (YP), Ngk Stephan Geyer(YP) le mme Steffie Esterhuizen(YBB), ba tla dirisana ka tlhomelo e.
Diphetho tsa ntlha tsa patlisiso ya Reds di bontsha gore barutabana ba ba maatlafaditswe go dirisana le mathata a mantsi a a tsamaisanang le leroborobo la HIV/Aids.
Barutabana ba Katiso ya Bophelo ba ba ratang go dirisana ba kopiwa gore ba itshwaragantshe le Moporof Theron kwa (016) 910 3076 / 910 3082 kapa eposo kwa go Linda. Theron@nwu.ac.za (Link: mailto: Linda. Theron@nwu.ac.za).
Moporof Linda Theron.
<fn>NWU-NEWS. News160.2009-12-02.tn.txt</fn>
VANDERBIJLPARK - Khampase ya Vaal Triangle ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela maloba e ne e amogela baithuti ba ngwaga ya ntlha ba bantšhwa ba ba fetang 1000.
Mo tirelong ya go ba ammogela semmuso Moreketoro wa Khampase, Moporof Piet Prinsloo, o tlotlile baithuti ba bantšhwa ka kgetho ya bone mme a ba tlhotlheletsa gore ba direla nako ya bone ya go nna baithuti ka maatla. Ka puo ya gagwe Moreketoro o gateletse gore lefelo la tiro le nne le fetoga mme le ditlhokego go modiri di nna di fetoga mme di nna thata go feta.
Kgwetlho go ya ka Moporof Prinsloo ke go itlhaola go nna moetapele le mokgwebi o montšhwa. "Diyunibesiti ga di tlhole di le ditheo tse di fananang fela ka didikerii mme ke merafe e menyane ka mo baša ba bopiwang go nna bagolo ba ba nang le tekatekanyo le boikarabelo ka bokamoso jo bo lesedi le ponelopele le kgweetso go nna baambasatara ba diphetogo. Ka go dira jalo ba nna ditena tsa Aferika Borwa ya tswelelopele le katlego" a tswelela go tlhalosa.
Go ya ka Moporof Prinsloo, go lebelwa batho ka mo mafelong a tiro mme ke ka lebaka le baamogeladidikerii ba kgatlhatswang, jaanong go feta pele, ka dikgwetlho tse di rileng go feta pele. "Senotlolo sa katlego ke go ikemisetsa le go itlhaola go nna baetapele. Ipulele le ditso tse dingwe, dikakanyo tse di farologaneng tsa hisitori le dikgolaganyo tse dintšhwa, leka melelwane e mentšhwa ya kakanyo le ditiro," a tswelela go bua.
"Ubuntu"go tloga ka ngwaga ya bone ya ntlha ka gore Khampase e na le khumo ya dipharologano tsa ditso. Ponelopele e tshegetswa ka mo Khampaseng gore mongwe le mongwe wa tokolo ya morafe wa khampase o tla ithatela dipharologano tsa khampase mme ka nako e le nngwe ba itumelele le bongwe jo bo leng teng.
Motlatsa-mokhanseliri wa YBB, Ngk Theuns Eloff, o gateletse le ene gore kopano ya diyunibesiti e bonwe e le kgang ya katlego e kgolo mme le gore jaanong jaana YBB ke yunibesiti e kgolo go feta ya bothataro mo lefatsheng la rona ka baithuti ba ba 52 000 ba ba kwadisitsweng ka mo dikhampaseng tse tharo. Go tswelela Ngk Eloff o tlhomamiseditse gore YBB e tswelela go direla boitseanape mo ngwageng e tlang le gore tirokgolo ya YBB e e leng go batlisisa le go ruta le go ithuta, e tla tswelela fela jalo.
Khampase ya Vaal Triangle ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela maloba e ne e amogela baithuti ba ngwaga ya ntlha. Gammogo le baithuti go na le Mor Mega Tebakang, Moporesidente wa SRC, Moporof Piet Prinsloo, Moreketoro wa Khampase le Ngk Theuns Eloff, Motlatsa-Mokhanseliri.
<fn>NWU-NEWS. News161.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Tona ya Thuto, moh. Naledi Pandor, fela maloba a ne a etile ka mo Khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) go tla go bula semmuso dikago tse dintšhwa tsa Fakalthi ya Bosaense jwa Thuto.
Tona Pandor a re o akanya gore e nngwe ya dikgwetlho tse di kgolo tsa diyunibesiti tsa mo Aferika-Borwa ga se fela go lebelela thuto ya nnete mme ke go ruta bašwa ba gompieno le go ba baakanyetsa go nna baetapele ba ka moso ba boikarabelo ka mo merafeng ya bone. Ditiragalo tsa mo dikhampaseng tse di farologaneng tsa thuto godimo ke tsone tse di bontshang dikgwetlho tse di emetseng bophelo bo bontšhwa jwa rona ka mo setšhabaneng.
Go ya ka Tona Pandor ga se tshwanelo gore go lebelelwe fela dithuto tsa nnete tsa dirutwa tsa kharikhulamo mme go tshwanetse go lebelelwe tlhabololo ya motho yotlhe ka mo popong ya bašwa gore ba tseye karolo e e boikarabelo ka mo setšhabeng.
"Ditheo tsa Thuto Godimo di na le tiro e kgolo e e bophara ka mo merafeng - tiro ya boetapele jwa setšhaba. Ke boikarabelo jwa diyunibesiti go tlhomamisa gore tiro e ba e dirang mo thutong e e kwa godimo e sireletswa mme e maatlafatswa ke dikakanyo tse di botlhale tse di siameng mme tse di thusa go oketsa dikakanyo tsa bophara tsa batho le tsa botho le tsa setso," ga bua ene Tona.
Tshimologo ya rona ya go tlisa diphetogo mo thutong e e kwa godimo ke gore re tsaya karolo ya boetapele ka mo bophelong le mo setsong le mo tlhabololong ya ekonomi. Karolo e tshwanetse go arabela dikgwetlho tse pedi tse di tsamaisanang tsa go lekalekantsha le go tlhabolosa. Go ka fitlhela tse diyunibesiti di tshwanetse go tokofatswa ka maano, bolaodi le go emiwa nokeng ka madi. Matlhole a madi a ka fokotswa fa e le gore diyunibesiti ga di arabele tse, ga tlaleletsa Tona.
Ka go supa dibeboftsi tse dintšhwa tsa thuto ka mo Khampaseng ya Potchefstroom o rile gore ka mo dirutweng tse di rileng tsa togamaano go na le tlhokego ya barutabana mo dikolong. Thata tlhokego ka mo dipalong le mo saenseng le mo kgaleng ya motheo le thuto ka mo dipuong tsa Aferika. O dirile kopo ya gore YBB e tseye matsapa go arabela ditlhokego tse.
Tona ya Thuto e ne e tsene mokete wa go bula semmuso dikago tse dintšhwa ka mo Fakalthing ya Bosaense jwa Thuto mo Khampaseng ya Potchefstroom ka mo YBB. Go tswa mo molemeng go na le baporof Mariëtte Lowes, Motlatsa-moreketoro: Akatemi, Annette Combrink, Moreketoro wa Khampase, Ngk Themba Mosia, Mokwadisi wa YBB, moh Naledi Pandor, moporof Petra Engelbrecht, Diini ya Fakalthi ya Bosaense jwa Thuto le Ngk Theuns Eloff, Motlatsa-Mokhanseliri wa YBB.
<fn>NWU-NEWS. News162.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Senteramo ya Thekenoloji ya Mokwalo(Centre for Text Technology (CTexT™)) ka mo Khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) jaanong jaana e dira tiro ya go bopa tlotlofoko ya dipuo tsa mo Aferika ka se e le karolo ya Microsoft ya Dipuo tsa mo Gae. Tlotlofoko ke data ya mafoko go tswa mo puong e e rileng le go e oketsa le go e ntshwafatsa ka tshedimosetso e e oketsegileng go ka e dirisa go tlhabolola diporokerama tsa thekenoloji ya puo jaaka dirweboleta tse di tlhomamisang gore mopeleto o siame.
Mosola wa tiro e ke fa batho ba ka mo Aferika tshono ya go dirisa dirweboleta tsa dikhomputara tsa tafole ka dipuo tsa bone le gore ba kgone go dirisa thekenoloji e ba e itseng e e tlotlang le dipuo le ditso tsa bone e e rileng. Porojeke e ikaeletse go kgobokantsha tlotlofoko ya dipuo tse tlhano tsa ditikologo tsa mo Aferika jaaka Sehausa, Seigbo, Sekinyarwanda, Sewolofo le Seyoruba tse di dirisiwang ka mo ditšhabaneg tsa Nigeria, Senegal, Equatorial Guinea, Burkina Faso, Togo, Niger, Ghana, Rwanda le Mauritania.
Baithutadipuo ba Khomputara ba CTexT, baithutadipuo ba Nigeria le ba USA, le Setlhopha sa Dirisiso tsa Diteko ba kwa Microsoft kwa Ireland ba dirisana gaufi mo porojekeng e. "Microsoft e na le maikaelelo a a tswelelang go fetola dirweboleta tsa dikhomputara go arabela ditlhokego tsa batho ba ditšhaba tsa mo Aferika," ga re Ngk Cheick Modibo Diarra, modulasetulo wa Microsoft mo Aferika. "Porokerama ya rona ya Dipuo tsa mo Gae ke e nngwe ya mekgwa ya rona go dira bophara jwa mmaraka ya rona le go maatlafatsa badirisi le badirimmogo ba diporokerama tsa rona. Go tlisa tlhabololo, go gola le kgodiso ya dipuo tsa ditikologo le go tokofatsa thekenoloji ya tshedimosetso ka mokgwa o o tlaleletsang mme o le botlhokwa jwa go tlisa tlhabololo ya diekonomi," a tlhalosa gape.
CTexT e dirisane ka maatlafatso ya dipuo tsa mo gae le tsone ka tlhabololo ya dirweboleta tsa go leka mopeleto wa dipuo tse tlhano ka mo Aferika Borwa jaaka Seaferikanse, isiXhosa, isiZulu, Sesotho sa Leboa le Setswana.
Go ka amogela tshedimosetso ka botlalo ikopantshe le Moira Müller kwa (018) 299 1541 kapa kwa Moira. Muller@nwu.ac.za (Link: mailto: Moira. Muller@nwu.ac.
<fn>NWU-NEWS. News163.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Baithuti ba ngwaga ya bofelo ba ba itlhaotseng ba dirile gape gore Ci-Lab(Creative Intelligence Lab) ka mo Khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) tlhophiwe go nna mo maemong a bobedi nwaga ya bobedi jaanong mo kgaisanong ya ditheo tse di rutang go bopa ka gerafiki mo setšhabeng mafelo a 2007.
Kitsiso e e dirilwe kwa kopanong ya maphatsi-phatsi ya South African Communication Design Council ya ngwaga le ngwaga ya kgaisano ya ThinkAhead ya baithuti ba ngwaga ya bofelo. Palogare ya baithuti ba ba 200 go tswa kwa ditheong di le 25 tsa thuto godimo ba ne ba ikwadisitse mo kgaisanong.
Baitlhaodi ba YBB ka kgaisano e e ne e le Tanya Geel yo o amogetseng kabelo ya potefolio ya gauta le tse pedi tsa silifara gammogo le Christo Kruger ka kabelo ya silifara le kabelo e nngwe gape ya meriti, mme Wynand Botha le Raché Kitching ba amogetse mongwe le mongwe kabelo tsa meriti le bone.
Katlego e e latela ngwaga e e neng e tletse ka dikabelo jaaka go amogela kemo nokeng ka letlhole la Sappi Ideas That Matter le katlego e nngwe gape ya gore go ne le ba babedi mo kgaisanong ya SABS Design Achiever.
Ci-lab le ka 2007 e ne e fentse dikabelo tsa di-"Loerie" ka dikabelo tsa ngwaga le ngwaga tsa Pendoring le Student Goldpack Awards ya Institute of Packaging South Africa mo go fentseng baithuti ba bantsi ka dikabelo tsa gauta.
Mo godimo ga dikabelo tsa mo gae Ci-Labe bone le dikabelo tse dingwe tsa tlotlo go tswa ditšhabatšhabeng. Ci-Lab e ragile dithole ka mo matlhong a ditheo jaaka AAA School of Advertising (dikabelo tse nne), Yunibesiti ya Pretoria (kabelo e nngwe) le Vega The Brand Communications School (dikabelo tse pedi) ka go fenya dikabelo tse 8 mo go tse di 15 tse di abetsweng Aferika Borwa mme gape ba tsaya kabelo e nngwe ya tse pedi tsa meriti tse di abetsweng ke International Society of Typographic Designers.
Dikabelo tse dingwe tsa ditšhabatšhaba ke go tswa mo maemong a disemifaenale tsa kgaisano ya Adobe Design Achievement tsa World Packaging Organization.
Go ka amogela tshedimosetso e nngwe, ikopantshe le Richardt Strydom kwa richardt.strydom@nwu.ac.za (Link: mailto:richardt.strydom@nwu.ac.za), (018) 299 4207, 082 575 0923 kapa Ian Marley kwa ian.marley@nwu.ac.za (Link: mailto:ian.marley@nwu.ac.za), (018) 299 4091, 082 495 6307.
Go tswa mo molemeng ke mor Richardt Strydom, motlhatlheledi, Catherine van Jaarsveld, Leana de Beer, Carla Erasmus, moporof Paul Schutte, Mokaedi wa Sekolo sa Dithuto tsa Neeletsanyo, Gert Schoeman, moh Colette Lotz, motlhatlheledi, mor Wessie van der Westhuizen, motlhatlheledi, moporof Annette Combrink (Moreketoro wa Khampase), Christo Kruger, Renier Zandberg le mor Ian Marley, motlhatlheledi.
Tanya Geel o itlhaotse ka tlotlo ka mo kgaisanong ya ThinkAhead ya baithuti ba ngwaga ya bofelo.
<fn>NWU-NEWS. News164.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Setlhopha sa basadi ba baroki ba kwa Promosa ba golela pele ka boetapele jwa setlhopha sa babatlisisi ba mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima(YBB) ba mo Khampaseng ya Potchefstroom le ka dikabelo tsa madi go tswa mo morafeng.
Setlhopha sa mo Promosa sa Arts and Crafts ke karolo ya porojeke ya Holding Hands go ka thusa basadi go bona bokgoni jwa go ka simolola go itirela lotseno.
YBB ka 2001, ka boetapele jwa ga ngk Annamarie Kruger, moitse serutwa wa tlhogo ka mo Fakalthing ya Bosaense jwa Boitekanelo mo karolong ya patlisiso ya Tiro ya Go thibelela le Go ema nokeng, ba ne ba simolotse ka porojeke ya Flagh (Farm Labour and General Health) ka mo dipolaseng mo tikologong ya Ventersdorp. Diporojeke tsa Holding Hands- le tsa Lifeplan (Life Inequalities amongst Females addressed by means of Purposeful Living And Nutrition interventions) di ile tsa tswelela mo go tsa pele.
Bernina ka mo Potchefstroom ba abetse dimatšhini tse tlhano tsa go roka le tse tharo tsa "overlocker" go setlhopha sa Promosa sa Arts and Crafts. Setlhopha se sa basadi ba amogetse katiso dikgwedi tse thataro tse di fetileng kwa holong ya kereke ya Gereformeerde mo ba ileng ba kopana gabedi ka beke go roka. Basadi ba ba betla dilo tse di farologaneng jaaka dijase tsa kapeso tsa bana ba dikerešhe le ba dikolo tse di kwa tlase, dikgetsi tsa sekolo, ditafoletuku le tse dingwe tse di ka hirisiwang kwa manyalong mme gape ba ldira ditiro tsa go loga.
Mong wa Bernina mo Potchefstroom, moh Christi Niesing, a re ke tiro ya tlotlo go ka dirisana le YBB ka mo porojekeng ya Holding Hands le go bona gore go diragala diphetogo ka mo maphelong a basadi ba ba neng ba ntse ba se na lotseno la sepe.
Moh Liezel van Niekerk, mmatlisisi wa Fakalthi ya Bosaense jwa Boitekanelo mo karolong ya patlisiso ya Africa Unit for Trans-disciplinary Health Research (AUTHeR), a re porojeke e e tshwanang le e mo batho ba rutiwang go itirela lotseno lo tlisetsa bone tsholofelo gape mme le ba kopantsha ka mowa wa tirisanommogo.
"Basadi ba dula ba katisiwa go tokofatsa bokgoni jwa bone mme motlhatlheledi wa mo YBB o dirisana gaufi le setlhopha. Le fa go le jalo re tlhoka thuso e kgolo go tswa mo merafeng mme jaanong jaana re batla phaposi mo basadi ba ka tswelelang ka tiro ya bone", ga bua moh Van Niekerk.
Mongwe le mongwe yo a ratang go itse go feta ka ga porojeke e a ka ikopantsha le moh Van Niekerk kwa (018) 299 2461.
Basadi ba Promosa Arts and Crafts ba dira ka maatla go roka dijase tsa kapeso tsa kerešhe. Go tswa mo molemeng go na le bomme Tricha Locke, Joyce Matsietso (Motlhatlheledi wa YBB), Susanna van Wyk le Ria Moos.
Mong wa Bernina, moh Christi Niesing, o ne fana ka motšhini wa "overlocker" go setlhopha sa Promosa Arts and Craft. Fa re bona bomme Susanna van Wyk, Joyce Matsietso (Motlhatlheledi wa YBB), Tricha Locke, Ria Moos, Christi Niesing le Liezel van Niekerk (mmatlisisi wa AUTHeR).
<fn>NWU-NEWS. News165.2009-12-02.tn.txt</fn>
VANDERBIJLPARK -Porojeke ya Ikateleng ka mo Khampaseng ya Vaaldriehoek ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela maloba e bone kabelo ya madi go tsweletsa porojeke go tswa go Graftech ka kabelo ya madi a kana ka R120 000.
Porojeke e e ka tlhaloswang ka go re ke go itsholetsa le go ipha maatla le tlhometswe ka 1988 kwa Khampaseng ya Vaaldriehoek e rile merafe ya kwa Vaaldriehoek e bona gore boleng jwa thuto ka mo dikolong tsa makeišhene ga bo kgotsofatse mme ba kopa Khampase ya Vaaldriehoek go ba thusa. Go tloga nako eo porojeke e setse tlhabolotswe gore e tlhomelwa ke YBB mo diporofenseng tse nne mme e rutiwa mo Potchefstroom, Mafikeng, Taung, Zeerust, Brits le Upington.
Se se kgatlhisang ka kabelo go tswa go Graftech ke gore tirisanommogo ya bone e sa le e simolotse le porojeke ka kemo nokeng ka madi mme ba bontsha gore tumelo ya bone ya go godisa baswa le go ba thusa ke se ba se bonang se le botlhokwa.
Go ya ka Moporof Piet Prinsloo, Moreketoro wa Khampase ya Vaaldriehoek go tsaya karolo ga korporasi e ke sekao sa Graftech sa go tswelela go ema nokeng le go tsholetsa merafe ya mo ba tsamayang teng. "Ka dikabelo tse di tshwanang le tse go diporojeke tse tsa mosola dikorporasi di tlisa ditena tsa go aga bokamoso le tswelelopele le katlego le ponelopele ka mo Aferika Borwa" ga bua moporof Prinsloo.
Maikaelelo a porojeke ke go tsholetsa palo ya barutwana ba ba letlelelwang go tsena mo diyunibesiting ka go ba fa thuso le dithuto tse di kwa thoko tsa go tlaleletsa go barutwana ba ba tlhophilweng ba Kereiti ya 12 mo dirutweng jaaka Dipalo, Dipalo tsa Kitsokwalo, Bioloji, Palotlotlo, Saense, Ekonomi le Seesimane. Barutabana ba ba rutang ke ba go tswa mo dikolong tse di dirisanang mo porojekeng mme ke ba ba biditsweng maina ke diporinsipala tsa bone.
Letlhole la porojeke e le tladiwa ka go kopa le go amogela madi go tswa mo dikorporasing le mo difemeng mme se se dira gore Yunibesiti e kgone go duela gotlhe jaaka thwalo, dijo, tuelonyana go barutabana le go ka fana ka dibuka tsa dirutwa mo di tlhokegang teng.
Graphtech fela maloba e abetse kabelo ya madi a R120 000 go porojekeng ya Ikateleng. Ba ba neng ba le teng ka nako ya kabele ke go tswa mo molemeng, barena Kosie Marx (Graftech), Abey Kgotle (Graftech), Rajen Dewnarain (Graftech) le moporof Piet Prinsloo (Moreketoro wa Khampase).
<fn>NWU-NEWS. News166.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Motlhatlheledi wa bogologolo wa PU vir CHO(Potchefstroom Universiteit vir Christelike Hoër Onderwys) ya pele, e jaanong e leng Khampase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) o timetse mme malatsi a a fetileng o ntse a batliwa morago ga go ya go tsamaya mo polaseng mme jaanong jaana ga a ise a boele gae.
Mor Adrianus Juyn, o itsiwa ka leina la Oom Adri (78), ka Lamatlhatso wa letsatsi la 3 Motsheganong 2008 o ne a tswela kwa ntle mme a ya go itsamaela ka mo polaseng ya Kromdraai gaufi le borogo ya Schoemansdrift mme go fitlhela jaanong jaana ga a ise a bonwe.
Go ya ka dikgaso tsa mo sejalemoweng Oom Adri o tsamaile le mongwe ka koloi go tswa mo kgabaganyong ya ditsela ya Vredefort le Parys go fitlha kwa Rhenosterspruit gaufi le Kroonstad ka mo tselang ya S156 mme mapodisi ba santse ba mmatla kwa ntle ga go ikhutsa.
Oom Adri o ne a apere jeresi e pududu, borukgwe bo botala le hempe e dikhutlo-khutlo. Palogare ya botelele jwa gagwe ke 1,85m mme boima ke 70kg. O rwala le digalase mme o tlhogo e e pududu le ka ditedu. Ene ke molwetsi wa Alzheimer mme o tlabonwa a tlhakane tlhaloganyo nako e nngwe le e nngwe.
Oom Adri pele a ne a le motlhatlheledi mo PU vir CHO mo a neng a ruta bojenalese le popo ya ditsebe. O ne a diretse le dikuranta tsa Rapport, Potchefstroom Herald, Vaderland, Dagbreek le Sondagnuus ka go ba romela dikgang. O itsiwa le ka mo tikologong ya bolemirui ka lebaka la tirisanommogo ya gagwe le Nampo.
Morwa wa gagwe ke Attie Juyn yo e leng Mokaedi: Thekenoloji ya Tshedimosetso(IT) mo YBB.
Mongwe le mongwe yo a nang le lesedi ka ga kgang e a ka itshwaragantsha le Mokapetene Gemis Taljaard kwa 082 411 2612 mme fa mongwe a ka mmona o kopiwa gore o mo ise kwa seteišheneng ya mapodisi.
Bula gape - http://www.adri.co.za/ Link: http://www.adri.co.
Oom Adri Juyn motlhatlheledi wa bogologolo wa PU vir CHO(Potchefstroom Universiteit vir Christelike Hoër Onderwys) ya pele, e jaanong e leng Khampase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) o timetse mme malatsi a a fetileng o ntse a batliwa morago ga go ya go tsamaya mo polaseng mme jaanong jaana ga a ise a boele gae.
<fn>NWU-NEWS. News167.2009-12-02.tn.txt</fn>
MAFIKENG - Mokwadi yo o itlhaotseng yo o tlotliwang le morutabana wa moitseanape Joseph Matlhasedi Ntsime o tlotlilwe ka go abelwa PhD ya tlotlo ke Khampase ya Mafikeng ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ka nako ya dikapeso tsa letlhafula tse di fetileng fela maloba.
Ka go dirisa maitemogelo a gagwe le phisego ya gagwe ya bokwadi, Ngk. Ntsime o buile le baithuti ba ba 193 ba baamogedi ba didkerii tsa Bosaense jwa Botho le Selegae ka nako ya go amogela kabelo ka go ba raya gore bana ba ka rutiwa maitseo ka diane le maele mme o gateletse botlhokwa jwa go godisa setso sa go bala mo baneng le mo bašweng fa ba sa le bannye.
"Merafe e mengwe e tsweletsa mme e sireletsa dipuo tsa bone ka go balela bana ba bone dikinane ka nako ya boroko mme rona re tlogela bana ba lebelela thelebišene go feta bosigogare" a tswelela go bua.
Mokwadi wa ditlhangwa tsa Setswana wa dilemo di le 78 le Motlatsa-Tona wa Thuto wa pele wa mo mmusong wa pele wa Bophuthatswana o tsere karolo e kgolo go tlhomela Kgaolo ya Ditirelo tsa Dipuo ka mo Lefapheng la Thuto le Katiso. Ngk Ntsime o tsere karolo mo tirong ya go fetola makwalo a mmuso le Hansard mme o tlhobolotse le mareo ka gale. Gape o ne a le motseleganyi mme a gatisa makasini ya Setswana ya "Utlwang" e e neng e bolela ka ga dikgang le merero ya letsatsi le letsatsi.
Ka 1964 Ngk Ntsime o ne a thapilwe go nna motlhatlhobi le molekanyetsi wa dipampiri tsa tlhatlhobo tsa Setswana ka mo dikolong. O kwadile dibuka tse dintsi jaaka Bosaense jwa Kakaretso le Thuto ya Bodumedi mo dikolong tse di kwa tlase le tse di kwa godimo mme o kwadile le maboko a Setswana(jaaka buka ya maboko ya Tswina le PSL's Leepile Taunyane), dikinane le dikgangkhutswe.
Ka 1977 Ngk Ntsime o thapilwe go nna Motseleganyi wa Kgosi wa bukantswe ya Setswana ka mo Setheong sa Dithuto tsa Aferika mo Yunibesiting ya pele ya Yunibesiti ya pele ya Bophuthatswana (jaanong ke Khampase ya Mafikeng ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB). O diretse dikomiti tse di farologaneng jaaka Komiti ya Puo ya Setswana ya Lefapha la Thuto le omiti ya Puo ya Setswana ya Radio bantu ya pele mme o dirisane go tlhabolosa diporokerama tsa radio tsa Setswana go ka tlhotlheletsa kitso le tiriso ya puo le ditlhangwa tsa Setswana.
Ngk Ntsime gape o amogetse le palo ya dikabelo tse dingwe jaaka Kabelo ya Ditlhangwa ya Sol Plaatje ka dingwaga tsa 1980, Kabelo ya Mokwadi yo o Itlhaotseng wa Ditlhangwa tsa Setswana e e abetsweng ke Lefapha la Setšhaba la Diatshe le Setso ka 2005, le kabelo ya Dipuodintsi le Mokwadi yo o Agang Setšhaba wa Dingwaga tse Lesome wa Setswana le gape kabelo Mokwadi yo o Itlhaotseng wa Setswana mme dikabelo tse di abetswe ke PANSALB(Pan South African Language Board) ka 2008.
Ngk Ntsime o solofeditse go tswelela ka kabelo go tsweletsa puo mme babadi ba gagwe ba emetse ka boitumelo se se tla tswang mo peneng ya gagwe jaaka dibuka tse di amang pelo.
Ngk Ntsime, Mokwadi yo o itlhaotseng yo o tlotliwang le morutabana wa moitseanape o tlotlilwe ka go abelwa PhD ya tlotlo ke Khampase ya Mafikeng ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ka nako ya dikapeso tsa letlhafula tse di fetileng fela maloba tsa Bosaense jwa Botho le Selegae.
Ngk Ntsime le Ngk Dan Kgwadi, Moreketoro wa Khampase ya Mafikeng.
<fn>NWU-NEWS. News168.2009-12-02.tn.txt</fn>
Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ke yone yunibesiti e le nngwe mo Aferika Borwa mo go rutiwang ka go dirisa batoloki ba dirutwa tse di farologaneng mme tiro e e tlisa le mesola ya selegae le kagiso mme se se dirile gore Komiti ya Palamente ya Thuto e tlhagise gore Yunibesiti ya Foreisetata(UFS) e simolole go dira tirelo e le kwa go bone morago ga go na le mathata a botso a a maswe a bonagetse mo tshimologong ya ngwaga. Gape le Lefapha la Molao le bontshitse kgatlhego go ka dirisa tirelo e ka mo makgotlheng a bone, ga bua Ngk Theuns Eloff, Motlatsa-mokhanseliri wa YBB.
Ngk Eloff o bone go toloka ka nako e le nngwe e diriwa ka katlego kwa Codesa (Convention for a Democratic SA) mo dilemong tsa tshimologo ya 1990. "Ga ke moitsedipuo mme tlhaloganyo ya mme e mpoleletse gore fa tirelo e e ne e dira sentle kwa Codesa go ne go ka diragala eng gore e se dire sentle le ka mo diphaposiborutelo," a bua gape.
Bontsi jwa diyunibesiti ka mo Aferika Borwa di dirisa Seesimane fela kapa ba ruta thuto e le nngwe gabedi mo thuto e bueletswang ka puo e nngwe, nako e ntsi ka Seesimane le ka Seaferikanse.
"YBB e simolotse teko ya go toloka ka 2003, mme bafetoledi ba dula ka mo diphaposiborutelong mme ba buele kwa tlase ka mo didirisong tse di maemo a a kwa godimo a thekenoloji ya medumo mme ba fetole go tswa mo Seaferikanseng go ya kwa Seesimaneng", ga re Moporof Marlene Verhoef, Mokaedi wa Bokaedi jwa Setheo jwa Merero ya Dipuo ka mo YBB.
YBB e ile ya lemoga gore tirelo e ya go toloka ka nako e le nngwe ga e fetole maduo a baithuti ka sepe mme gape se se botlhokwa ke gore baithuti ga ba kgaogangwe go ka ka mebala le dipuo le ditso. Gape ga go na ditshenyegelo tse dintsi mme ga go oketse tiro ya batlhatlheledi mme ba ruta ka puo e ba e tlwaetseng mme ba ruta thuto gangwe fela.
"Go diragatsa diphetogo. Ga go tshwane le fa o na le motlhatlheledi yo o rutang ka Seesimane mme o ikutlwa o tlhaloganya mme o atametse go feta le tiro e e rutiwang," ga re Pontso Motsau, dilemo tse 22, moithuti wa ngwaga ya bone wa boenjineri jwa Khemikale.
Go ya ka Moporof Prof Verhoef YBB e na le maano a go godisetsa porojeke e ya go toloka ka nako e le nngwe go ya le kwa Khampaseng ya Mafikeng le go fetolela kwa Setswaneng. Mosola o mongwe o o ka tswang mo ke gore dithuto tse di tla tolokelwang kwa Setswaneng ke tsa baithuti ba ba ithutang go nna barutabana ba kgala ya motheo. Kgala ya motheo ke dilemo di le tharo tsa ntlha tsa sekolo tsa dikereiti tsa 1,2 le 3 le ngwaga pele ga tse e e bidiwang kereiti ya R. Go ya ka pholisi ya setšhaba bana ba dilemo tse ba tshwanetse go rutiwa ka puo ya bone ya gae gore ba kgone go tlhaloganya ditlha botlhokwa go feta.
YBB gape e simolotse porojeke e nngwe gape ya katlego kwa sekolong sa mo Potchefstroom sa Central Primary School, mo dithuto tsa dipalo di tolokiwang ke motoloki wa YBB go tswa kwa Seesimaneng go ya Setswaneng.
<fn>NWU-NEWS. News169.2009-12-02.tn.txt</fn>
Poposešwa ka pharologano - polelwana ya letswaokgwebo ya mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima(YBB) - e tloga e bontshiwa mme e phedisiwe ka go e maketa le go e neeletsana le ka matsholo a papatso ka maikaelelo a go tokofatsa le go aga maatla a letswaokgwebo la Yunibesiti.
Polelwana e e lebaganeng le tlhaloso ya letswaokgwebo le kemo ya Yunibesiti mme e akantswe thata morago ga go ntsha kgaisano ya go romela ditlhagiso mme polelwana e e tswa mo Khampaseng ya Potchefstroom go tswa go moithuting wa MA yo e leng Moh Malebo Matlala.
Moh Matlala o gapile madi a kana ka R5000 ka go romela kakanyo ya gagwe ya polelwana ya letswaokgwebo e e tlhalosang mowa le kemo ya Yunibesiti le letswaokgwebo ka nepagalo.
Polelwana ya letswaokgwebo e dumetswe ke Balaodi ba Setheo ka letsatsi la 22 Moranang 2008 morago ga tirego ya tshekatsheko ya ditlhagiso di le 231 tse di amogetsweng ka mo kgaisanong e e neng e kgweediwa ke ICBID(Institutional Corporate Brand and Identity Committee) le moitsegotlhe wa matshwaokgwebo wa kwa Gauteng.
Polelwana ya letswaokgwebo e tla dirisiwa sešwa mo maemong a ya jaanong jaana ya "Getting it right, Ons doen dit reg, Re dira sentle" mme e tlile go tlhomelwa ka mo Ofising ya Setheo le mo dikhampaseng tse tharo.
"Polelwana ya letswaokgwebo e tlhalosa gotlhe-gotlhe maikaelelo le togamaano tsa rona mme e tlhalosa ka tsenelelo pharologano ya rona mme e dira gore baithuti le badirimmogo ba rona ba nne se ba ratang go nna sone mme mo bofelong go tokofatswe mowa wa rona wa poposešwa," ga re Ngk Theuns Eloff, Motlatsa-mokanseliri.
Go ya ka Moh. Phumzile Mmope, Mokaedi Mokhudutamaga: Merero ya Korporatifi le Kamano, polelwana ya letswaokgwebo e e ntšhwa e tshwara bokao le mowa wa se se re tlhaolang ka mo karolong ya thutogodimo le go feta.
<fn>NWU-NEWS. News17.2009-12-02.tn.txt</fn>
Go ba tsere sebaka sa dikopano tsa ditherisano di le lesometharo, diuraura tsa dipuisano tsa setlhopha sa tiro le ditsebetsebe tsa dikwalo, fela mo maabaneng botsamaisi le diyunione tsa Yunibesithi ya Bokone-Bophirima ba ne ba kgona go re "Ee, re a dumalana." Ba saenile temogo ya ditumalano le diyunione gammogo le melao ya mabaka a khiro ya setheo.
Temogo e ya ditumalano e rulaganya mabaka a go amogela le go dira ga diyunione tsotlhe tsa Yunibesithi, e bong NEHAWU, MESHAWU, SAPTU, NTESU le Mokgatlho wa Badiri go ya ka melawana ya Molao wa Dikamano le Badiri. Go ya ka prof. Chris van der Watt, Mokaedi Mogolo: wa Merero ya Badiri, kgwetlho e kgolo e ne e le go emisetsa ditumalano tsa diyunibesithi tse tharo tsa pele ka tumalano e le nngwe e e tshwanang. O rile: "Thumalano e, e nna motheo wa molao wat tiro wa ditherisano tsotlhe, dipuisano le dikamagano magareng ga botsamaisi le badiri mo motheo o o utlwanetsweng mmogo." Tumalano e, e ka tlhabololwa fela ka ditherisano tse di ka utlwanelwang ke botlhe.
Ka go ela tlhoko melao ya mabaka a khiro, go ne ga dumalanwa ka thulaganyo e le nngwe mo badiring botlhe. Yona e akaretsa mabaka a go thapa, tsholo ya dilo tse di mabapi le matlhale/kitso, disekema tsa dipoelo ka setlhopha, khunologo le dingwaga tsa go rola tiro. Prof. Van der Watt o rile: Tiriso ya ditumalano tse, e tla tsamaisiwa go tsamaelana le pholesi e e tlhabolotsweng ya badiri, tsamaiso ya yona le ditsela tse di beilweng go tloga ka 1 Ferikgong 2005.
<fn>NWU-NEWS. News170.2009-12-02.tn.txt</fn>
Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) e dumelela thata mme e tlotla ntlha ya pharologano, kagiso magareng a ditso le tirisanommogo. Re amogela leeto la komiti ya ga tona ka letsatsi la 12 Seetebosigo 2008 ba ba tlang go sekaseka ditshwanelo tsa batho ka mo karolong ya thutogodimo.
Tona ya Thuto fela maloba o bopile komiti go sekaseka mefuta yotlhe ya kgethololo ka mo ditheong tsa setšhaba tsa thutogodimo le go tla ka megopolo go thibelela kgethololo le go godisa botsalano magareng a ditso.
Ka go diragatsa boikarabelo jwa bone, komiti e kopa dingongorego tsa batho tse di kwadilweng go tswa mo bathong, ditheong le mo dithulaganyong tse di nang le kgatlhego mo diphetogong tsa mo thutogodimong. Tlhaloso e e romelwang e tshwanetse go lebelela dithulaganyo kapa maitemogelo a sebele ka ga mokgwa wa kgethololo ka mo thutogodimong.
Ditlhagiso di ka romelwa ka go dirisa eposo kwa HEtransformation@doe.gov.za (Link: mailto:HEtransformation@doe.gov.za) kapa ka fakese kwa (012) 328 6029. Batho ba ka ikopantsha gape le Moh Babalwa Ntabeni-Matutu kwa (012) 312 5251/5239.
Letlha la bofelo go romela ditlhagiso ke 30 Motsheganong 2008.
Khansele ya YBB fela maloba e ile ya tlhalosa megopolo ya bone ka ga mathata a a leng teng ka mo setšhabeng le mo karolong ya thutogodimo jaaka mathata a botso, bong, go tlhoka boitshwarelo le go tshaba batho ba ditšhaba tse dingwe, kgoto le bonokwane. Tumelo le ditebogo ka ga tse di dirilweng ka mo ditlheng tse ka mo morafeng wa YBB di ntshitswe mme Khansele e itlamile go dirisana le go dira ka maatla go lwantsha mabaka a.
Klika fa Link: http://www.nwu.ac.za/opencms/export/NWU/html/news/Persvrystellings/press06_t.
<fn>NWU-NEWS. News171.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Setlhopha sa baithuti ba morago ga dikerii ka mo Khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) sa go tswa mo Setheong sa Bojanala, Ekonomi ya Bophelo jwa Diphologolo le Dithuto tsa nako ya Boitiso ke ngwaga ya bobedi jaanong ba fentse kabelo ya ditšhabatšhaba ka porojeke ya patlisiso.
Go ya ka moporof Melville Saayman, motlhatlheledi wa Taolo ya Bojanala ka mo Sekolong sa Taolo ya Kgwebo ka mo Khampaseng e, baithuti ba ba lesome ba ba ne ba tsenetse kgaisano le baithuti ba ba robongwe ba diyunibesiti tsa ditšhabatšhaba mme YBB e ne e le setheo se le sengwe fela sa mo Aferika se se neng se tsene kgaisano e ya ngwaga le ngwaga ya Khonferense ya Bojanala ya Baithuti. Kabelo e ke e e re kgatlhisang tota mme ke tlotlo e kgolo mme re e lebogela thata, ga re moporof Saayman.
Porojeke ya patlisiso e baithuti ba ba e dirileng dikgwedi tse pedi ke diporokerama tsa go tlhotlheletsa dikhampani tsa ditšhabatšhaba. Setlhopha gape se ile sa fetsa mo maemong a bobedi ka pontsho ya bone ka ga Aferika Borwa le YBB.
Khonferense ya Ditšhabatšhaba ya Bojanala ya Baithuti e setse e le mo ngwageng ya yone ya bomasopedi tharo mme ngwaga e e ne ya tsharelwa kwa Oostenryk. Setheo gape ngwaga e e fetileng e fentse kabelo ka nako ya moletlo wa maphatsi-phatsi e e neng e tshwaretswe kwa Swedene.
Kwa morago go na le moporof Melville Saayman, motlhatlheledi wa Taolo ya Bojanala ka mo Sekolong sa Taolo ya Kgwebo ka mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima ya Khampase ya Potchefstroom, bomme Martinette Kruger, Lara Engelbrecht, Marna Havenga, Malie Mouton, Adri Dreyer le mor Pierre-André Viviers, le ene ke motlhatlheledi wa Bojanala le dithuto tsa nako ya Boitiso ka mo Sekolong sa Taolo ya Kgwebo gammogo le setlhopha sa baithuti ba morago ga didikerii. Ka mo pele go na le bomme Talitha Schoeman, Susan Oberholser, Helga Streicher, Belinda Bouwer le Elicha Jonker.
<fn>NWU-NEWS. News172.2009-12-02.tn.txt</fn>
Feme ya molao ya, DM Kisch, fela maloba ba abetse palo e kgolo ya madi go Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) gore go bopiwe, go tsamaisiwe ka tshiamo mme go kgwebofatswe thoto ya tlhaloganyo, go baletswe le maina a matshwaokgwebo, poposešwa le dipatente.
Moemedi wa DM Kisch, moitsegotlhe wa dipatente Mor André van der Merwe o file Moporof Annette Combrink, Moreketoro wa Khampase ya Potchefstroom ya YBB tšheke ka mo seminareng ya dipatente, e e neng e tshwerwe ke Yunibesiti mme e ne e tsenwe ke dithomeletso tsa go tswa kwa WIPO(World Intellectual Property Organisation).
Kabelo ya madi e tla dirisiwa ke badirimmogo ka mo Ofising ya Molao ya Setheo sa YBB go ka tsena dikhonferense tsa setšhaba le tsa ditšhabatšhaba tsa thoto ya tlhaloganyo, kapa ba ka etela balekane ba bone kwa moseja go ka aga kitso ya bone le go loga matlhoa a tirisanommogo a thoto ya tlhaloganyo.
Moporof Combrink o gateletse ntlha ya gore diyunibesiti di na le boikarabelo jwa ruri jwa go kgaoganya dikhumo tsa dipoposešwa le babopi mme se se tshwanetse go diriwa ka mo teng ga thulaganyo e e tiileng ya tshireletso ya thoto ya tlhaloganyo.
Go tswa mo molemeng go na le Mor Frans Kruger, Mokaedi wa Setheo: Ofisi ya Molao, Mor André van der Merwe, DM Kisch, Moporof Annette Combrink, Moreketoro: Khampase ya Potchefstroom, le Moporof Francois Venter, Diini: Fakalthi ya Molao, Khampase ya Potchefstroom, YBB.
<fn>NWU-NEWS. News173.2009-12-02.tn.txt</fn>
VANDERBIJLPARK - Khampase ya Vaal Triangle ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) ke mong-gae-mmogo wa moletlo wa porofense wa Letsatsi la Ditšhabatšhaba la Thanolo ka Lwetse 2008 mme se ke tshimologo ya go ipaakanyetsa moletlo wa ditšhabatšhaba o o tla tshwariwang ka 30 Lwetse 2008 kwa Polokwane, Limpopo.
"Mosola wa kopano ke go lemoga le go dumela botlhokwa le dikgwetlho tse di leng teng ka mo tirong ya boranodi," ga re Moporof Thapelo Selepe wa Sekolo sa Dipuo. Go ya ka Moporof Selepe Sekolo se kopilwe go thusa ka dithulaganyo ka lebaka la tirisanommogo ya gagwe le dithulaganyo tsa dipuo ka mo setšhabeng. O tlaleleditse gore ke ka lebaka le Khampase e leng mong-gae gammogo le PanSALB(Pan-South African Language Board) kwa Gauteng, mme kopano e e tla nna ya ntlha ka mo Khampaseng ya Vaal Triangle.
Kopano e ya tikologo ya Gauteng, e gape e leng Letsatsi la St Jerome e e tlhometsweng ka 1991 - e tla tshwarelwa kwa Lapeng mo Khampaseng ka 18 Lwetse 2008.
Fa o ka rata go amogela tshedimosetso ka ga kopano e o ka ikopantsha le Moh Christine van Aardt ka mo Sekolong sa Dipuo kwa (016) 910 3463.
Mo dilemong tse di fetileng Sekolo sa Dipuo se itlhomile go nna sekolo sa dipuo se se maemo mo tikologong le ka mo setšhabeng go nna senteramo ya dipuo ya boitseanape jwa dipuo. Bogare jwa katiso le patlisiso ke laboratoriamo ya thekenoloji ya segompieno mo baithuti ba rutiwang go dirisa didiriso tsa go fetola ka thuso ya khomputara (CAT-computer-assisted translation tools) le kgatiso ya desktopo(DTP-desktop publishing), popo ya wepe, dirweboleta le go fetola wepe selegae le go tsenya diphetolo ka mo telebišeneng ka mokwalo. Ofisi ya dipuo e e bidiwang, Babel, e fa baithuti katiso ya mo tirong ya ditiro tsa mo dipuong go fitlhela mo ngwageng ya boraro. Ka mo ofising e baithuti ba fana ka tirelo ya go fetola, go baakanya makwalo le go gatisa ka tlhwatlhwa e e amogelesegang ka mo porokerameng e e tlhokomelwang ke batlhatlheledi. Batlhatlheledi ba ba nang le phisego e kgolo ya tiro ya bone ba dirisana ka go ruta le go batlisisa mo diporojekeng tse di farologaneng ka mo gae le go tlola melelwane ya rona.
YBB fela maloba e amogetse kabelo go tswa go PanSALB ka e tlhophilwe go nna setheo se se abetseng go feta tsotlhe tse dingwe tsa mo karolong ya Thuto se se tsweletsang dipuodintsi le go aga setšhaba mo dilemong tse di lesome tse di fetileng. Moporof Marlene Verhoef, Mokaedi wa Setheo: Bokaedi jwa Dipuo mme gape moagimogolo wa pholisi ya dipuodintsi ka mo YBB, o dumela gore mokgwa o yunibesiti e tlhomelang pholisi ya yone ya dipuodintsi tse di ka diragatsiwang ke yone e e dirileng gore e abelwe kabelo e ya tlotlo. Bokaedi jwa Dipuo ya YBB e tlhometse diporojeke tse dintšhwa tsa poposešwa go ka tsweletsa pholisi ya yone ya dipuodintsi tse di ka diragatsiwang ka mo Yunibesiting le mo tikologong. Yunibesiti ya Rhodes e ne e le mo maemong a bobedi mo kabelong e go ditheo tsa thutogodimo.
Khampase ya Vaal Triangle ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ke mong-gae-mmogo wa moletlo wa porofense wa Letsatsi la Ditšhabatšhaba la Thanolo gammogo le PanSALB. Thomeletso ya tikologo ya PanSALB fela maloba ba ne ba eteste ka mo Khampaseng. Ka mo morago go na le moh PN Gcali, mokgobokantshi:go fetola le go toloka, Moporof Thapelo Selepe, Sekolo sa Dipuo le Moh T Mmotsa, modiredi dipuo. Ka mo pele go tswa molemeng go na le Ngk Ia Esterhuizen, Mokaedi wa Nakwana wa Sekolo sa Dipuo, Moh S Maepa, PanSALB Molaodi wa Porofense le Moporof Marlene Verhoef, Mokaedi wa Setheo: Bakaedi jwa Dipuo.
<fn>NWU-NEWS. News174.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Baithuti ba le 49 ba Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom (PBS ka Seesemane) mo Khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone Bophirima (YBB) ba ne ba amogela dikirii ya Masetase bosheng jaana mo dithutong tsa Go Tsamaisa Kgwebo (MBA) kwa tiragalong e e botlhokwa e e neng e tshwerwe.
Go ya ka Mohumagatsana Marilize Minne, e leng motlhankedi wa dikamano le baagi wa PBS, matlho otlhe mo maitseboeng ao a ne a lebile Rre Aldeon Barend Grobler, yo o neng a kaiwa e le moithuti yo o nnileng le dipholo tse di gaisitseng tsa ba bangwe botlhe mo dithutong tsa gagwe mo dingwageng tsotlhe tse tharo tsa go ithutela MBA ga gagwe. O ne a newa Mmetale wa Gauta wa Old Mutual ka ntlha ya phitlhelelo eno ya gagwe e e gakgamatsang. Rre Marius Bezuidenhout go tswa kwa lekaleng la Klerksdorp la Old Mutual ke ene yo o neng a mo abela mmetale oo.
Mohumagatsana Juanita Esther Erasmus o ne a kaiwa a ba gaisitse botlhe mo mo simesetareng ya borataro ka palogare ya 77%, mme ene o ne a newa mmetale wa selefera go tswa kwa setheong sa Professional Provident Society (PPS). Rre JC Vorster, moemedi wa lekala la PPS kwa Potchefstroom, ke ene a neng a mo abela mmetale oo.
Mohumagatsana Minne a re, "Go ne ga dirwa moletlo mo maitseboeng ao wa go jela kalogo ya MBA dijo tsa maitseboa, ga tlotlwa ka dilo tse monate tsa nako e e fetileng mme morago ga moo botlhe ba elelediwa tsela-tshweu. Baithuti ba le mmalwa ba ne ba atswelwa diphitlhelelo tsa bone tsa maemo a a kwa godimo le tiro e ba e dirileng ka natla mo dingwageng di le tharo tse di fetileng," O ne a oketsa jalo.
Mo tiragalong e e botlhokwa eno, go ne go na le baeng ba le 100, go akaretsa le baithuti, badiri ba PBS le baithuti ba nako e e fetileng. Mo gare ga di-dikirii tsa 49 tseno tsa MBA, di le robedi tsa tsone e ne e le tsa baithuti ba Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa. Gape baalogi ba ne ba newa ditifikeiti tsa diphitlhelelo tsa maemo a a kwa godimo mo dirutweng tse di farologaneng.
Go ya ka Mohumagatsana Minne PBS e tla tswelela pele go katisa le dimmenejara tsa boleng jo bo kwa godimo tsa seporofešenale gore ba kgone go tsenya letsogo mo tlhabololong ya Ikonomi ya Aforika Borwa ka tsela eno.
Go bona tshesdimosetso e e oketsegileng, tsweetswee ikgolaganye le Mohumagatsana Minne mo nomoreng ya (+27-18) 299 1419 mo Sekolong sa Kgwebo sa Potchefstroom.
Aldeon Grobler o ne a ikgapela Mmetale wa Gauta wa Old Mutual jaaka moithuti yo o nnileng le dipholo tse di gaisitseng tsa ba bangwe botlhe mo dithutong tsa gagwe mo dingwageng di le tharo tse di fetileng tsa go ithutela ga gagwe MBA.
Baithuti ba le 49 ba Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom (PBS ka Seesemane) ba ne ba amogela di-dikirii tsa bone tsa Masetase mo dithutong tsa Go Tsamaisa Kgwebo (MBA) kwa tiragalong e e botlhokwa e e neng e tshwerwe. Kwa pele go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng ke Marietjie Grobler, Corlea Pearce, Frances Wright, John Beneke, Juanita Erasmus, Marelize Joubert, Inge Potgieter, Deon Grobler le Louis Swanepoel. Mo moleng wa bobedi go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng ke Michelle van Tonder, Anneri Haasbroek, Leon Haasbroek, Lana Marais, Francois Breedt le Yvette Brits. Mo moleng wa boraro go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng Lourens van Tonder, Kevin Strydom, Henk Heath, Albert Wessels, Les Nel, Rupert Jacobs, Hendrik Vorster, Elize van den Heever le Gielie Fourie. Mo moleng o o kwa morago go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng ke Le Roux Louw, Flip van Schalkwyk, Emile Marais, Ian Victor, Sidney Farrel le Sias Heyns.
Fa pele go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng ke Porofesa Tommy du Plessis, Mokaedi wa PBS, Rre Aldeon Barend Grobler, mofenyi wa Mmetale wa Gauta wa Old Mutual, Mohumagatsana Juanita Erasmus, mofenyi wa mmetale wa selefera wa PPS, le Rre JC Vorster go tswa kwa PPS. Kwa moleng o o kwa morago go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng ke Rre Marius Bezuidenhout go tswa kwa Old Mutual, Mokaedi wa Nama-o-sa-Tshwere e leng Porofesa Willie Coetzee le Porofesa Theuns Eloff, Tlhogo ya: Lefapha la Disaense Tsa Ikonomi le Tsa Botsamaisi.
<fn>NWU-NEWS. News175.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Khwaere ya NWU-PUK ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(NWU) fela maloba e ne e abetswe kabelo ya go tswa mo kgaisanong mo maemong a botlhano mo kgaisanong ya dikhwaere tsa ditšhabatšhaba kwa Austria.
Palo e kana ka 60 go 80 ya dikhwaere ngwaga le ngwaga di kopa go ikwadisa mo kgaisanong e mme mo bofelong go kopiwe ba ba 12 fela go tla go gaisana. Khwaere ya NWU-PUK e ne e le yone fela go tswa mo Aforika mme ke ngwaga ya boraro e tsene jaanong mme ka 1993 e dule mo maemong a bobedi mme ba bona kabelo ya "publicums" ka tlhago ya bone.
Maloko a a 45 a khwaere ba tlogile mo ka letsatsi la 24 Seetebosigo go tsamaya leeto la bone go ya kwa Hangari, Austria, Jeremane, Nederelane le kwa Repaboliki ya kwa Tšegia mo ba tlileng go dira ditlhago tse di mmalwa.
Kgaisano yone ke kwa Spittal, Austria, mme e simolotse go tshwarelwa koo ka 1964 kwa kagophemelong ya Porcia mme mo dilemong tse di fetileng go setse go gaisane dikhwaere di le 400 mo kgaisanong e.
Moreketoro wa mo Khamphaseng ya Potchefstroom, moporof Annette Combrink, yo a neng a le mo leetong la semmuso le ene kwa Yunibesiting ya kwa Bohemië Borwa kwa Tšegia, o ne a ya go bona dikhonserata dingwe.
Go ya ka Mor Peet Ryke, moetapele wa leeto, NWU ruri e ka ntsha sehuba ka setlhopha se sa baithuti ba ba ditalente tse dintsi ka gore ruri ba dirile gore dikhwaere tsa kwa mafatsheng a kwa Yoropa ba atlhame le go ela tlhoko bokgoni jwa bone jo bo maemo a a kwa godimo.
Setshwantsho: Moopedisi wa Khwaere ya NWU-PUK, moporof Awie van Wyk, o eme mo gare ga maloko a khwaere.
<fn>NWU-NEWS. News176.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Ka lebaka la tlhomelo ya katlego ka mo intranete ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ka 2007, TransTips, sediriso se sa mareo a dipuodintsi se tlile go oketswa gore se dire le ka mo lefelong la wepe la mo YBB ka Mopitlwe wa 2008.
Tlhabololo ya TransTips ke e nngwe ya diporojeke tse di bulang tsela go ka tlhomela tikologo ya tiro ya dipuodintsi ka mo YBB ka gore molawana wa dipuo wa mo YBB ke gore go dirisiwe dipuo tse nne tsa tiro tse e leng Seaferikanse, Seesimane, Sesotho le Setswana.
TransTips e thusa modirisi mongwe le mongwe wa bofelo go ka tlhaloganya mareo ka puo e nngwe jaaka fa tokomane e kwadilwe ka Seesimane mmadi a ka tlhola lereo ka Seaferikanse kapa ka Setswana kapa ka Sesotho. Go tswa fela gore go tshwaragantshitswe mareo a dipuo dife ka mo porokerameng. TransTips e fana fela ka diphetolelo tsa mafoko mme nako e nngwe ga se e e nepagetseng polelo e e rileng.
Bokaedi jwa Merero ya Dipuo e ne e dirisane go fetola mafoko a a dirisiwang ka bontsi e ne e le CTexT ba ba neng ba tlhabolotse porokerama mme ke ka lebaka le tetlokhopi e le ya bone. TransTips gape ke tiro ya ntlha ya khouto e e bulegileng mme se se raya gore fa porokerama e feditswe e ka dirisiwa ke mongwe le mongwe yo o bopang diporokerama.
Go godisa bopuobontsi go na le mosola o mogolo ka mo lefatsheng jaaka mo Aferika Borwa mo go nnang le dipuo tsa semmuso tse mmalwa. Ke ka lebaka le ditiro jaaka TransTips di na le bokgoni le mosola wa go diragatsa ditikologo tsa dipuodintsi ka mo mafelong a tiro.
O ka ikopantsha le moporof Marlene Verhoef, Mokaedi wa Setheo: Bokaedi jwa Dipuo kwa (018) 299 1505 kapa Marlene. Verhoef@nwu.ac.za (Link: mailto: Marlene. Verhoef@nwu.ac.za) go ka amogela tshedimosetso e e feteletseng.
Klika (Link: http://www.nwu.ac.za/news/static-content/Movie.TTips. Tsw. Tutorial.1.0.0.MJP.2008-04-17.wmv) fa go ka bona tlhaloso ya mokgwa wa go ka dirisa TransTips.
<fn>NWU-NEWS. News177.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Porojeke ya SABPA(Sympathetic Activity and Ambulatory Blood Pressure of Africans) ya Sekolo sa Fisioloji, Kotlo le Bosaense jwa Badirisi ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) e tlhophilwe go nna e nngwe ya diporojeke tse tharo tse di gaisang tsotlhe ka mo lefatsheng ka mo ntweng kgatlhanong le tlhagelo ya sesupo se sa metaboliki.
Ka nako ya go bidiwa leina jalo ke komiti ya bosaense jwa ditšhabatšhaba ya MSI (Metabolic Syndrome InstituteI) kwa Fora ngk Leoné Malan, moetapele wa porojeke, o amogetse kabelo ya madi ya didolara tsa USA di le $ 10 000. Gape o kopilwe gore ka kgwedi ya Phukwi a tle go fana ka diphetho tsa patlisiso e.
Go ya ka ngk Malan, yo pele a neng a le morutabana mme yo jaanong jaana a leng motlhatlheledi-mogolo wa Fakalthi ya Bosaense jwa Boitekanelo, malwetsi a mokgwa wa bophelo a oketsega ka mo ditikologong tsa ditoropo le mo ditirong dingwe, jaaka borutabana, bo tshwariwa ke one go feta. Borutabana mo dilemong tse di fetileng bo gateletswe go feta ke thekenoloji, go na le dipelaelo le diphetogo tse dikgolo ka mo kharikhulameng. Gape barutabana ba robiwa mekwatla ke palo ya barutabana go tsamaisana le palo ya barutwana, mathata a boitiso, thubakanyo mo dikolong, kgatelelo ya go dira go feta le tlhokego ya bokgoni jwa go ka dirisana le mathata a a rileng.
Ngk Malan o akanya gore diphetogo tse di tlisiwang ke ditiro tse di oketsegang tsa thulaganyo ya motho ya methapo e tlisa koketso ya kgatelelo ya mmele mme se se fetola le boitekanelo ka bophara. "Porojeke e e simolotswe ka gore morutabana yo o lwalang, ka mmele kapa ka mowa, ga a kgone go dira ka tshwanelo mo tirong ya borutabana," a bua gape.
Maikaelelo a porojeke ke go lekantsha ditlhagelo tsa bioloji le tsa jeneriki ka mo malwetsing a mokgwa wa bophelo mo barutabaneng ba ba nang le mekgwa e e farologaneng ya go dira. Malwetsi a mkgwa wa bophelo jaaka go nona, mofuta wa bobedi wa bolwetsi jwa sukiri, sesupo sa metaboliki, kgatelelo ya madi e e kwa godimo, boitekanelo jo bo kwa tlase jwa mowa jaaka kgatelelo, go dula o tshogile le go tlhoka boroko, di tsengwa tsotlhe ka mo patlisisong.
Go ya ka ngk Malan porojeke e ya patlisiso ya dirutwa tse dintsi e akangwa go lebelela barutabana ba ba 400 ba bantsho le ba basweu ba mo tikologong ya Potchefstroom. Porojeke e ya dilemo tse pedi e na le badirimmogo ba ba farologaneng ba setšhaba le ba ditšhabatšhaba.
"Ke toro ya me ya gore sekolo se sengwe le se sengwe se nne le baemanokeng ba ba rutegileng mo badirimmogong ba ba tla thusang bana ba sa le bannye gore ba ithute bokgoni jo bo tlhokegang jo bo itumedisang go tsamaisa bophelo. Se se ka thusa gore dikgwetlho tsa mekgwa ya go phela, tsa tikologo le tsa mothoesi di a laolwa," ga re ngk Malan.
Go ka amogela tshedimosetso e e tseneletseng go ka ikopatshwa le ngk Malan kwa (018) 299 2438.
<fn>NWU-NEWS. News178.2009-12-02.tn.txt</fn>
Sakai Solo, kumo e e ntšhwa e e bopilweng ke ITC (Institutional Department Information Technology Central), le Tirelo ya Thuso ya Akatemi (AS - Academic Support Services) a a leng mafapha a mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima (NWU) ka tirisanommogo ya ga UNISA le Psybergate ke thulaganyo e e tla thusang baithuti ba ba nang le mathata go tsena mo inthaneteng le ba bophara ba bente e sa lekaneng.
Thomeletso ya ITC le AS fela maloba ba ne ba ile kwa khonferenseng ya Sakai kwa Fora mme ba ya go itsisa Sakai Solo ka katlego e kgolo kwa go ba Sakai. Go ya ka Mor Boeta Pretorius, Molaodi wa IT wa Tlhomelo le Patlisiso, Sakai Solo e ka arabela mathata a baithuti a go ka ithuta gore ba kgone go se direle mo inthanete mme ba itirele go tswa kwa magaeng a bone. Ka Sakai Solo, moithuti a ka kgona go ithuta le go direla go tswa kwa gae mme go tlhokega fela gore a palame ka mo inthanete fela nakwana go laisolola tshedimosetso e e tlhokegang go se direle mo inthaneteng.
"Re bontshitse pontsho ya tekeniki ya Sakai Solo ka nako ya khonferense mme re amogetse ba bantsi ba ba re tlotlang ba ba bontsha kgatlhego. Le ba kwa mafatsheng kwa Yoropa ba ba se nang mathata a bophara jwa dibente, ba ne ba kgatlhegile ka gore ba re e ka ba fetolela dithulaganyo tsa tiro," ga re Mor Pretorius.
Sakai ke itshimololelo ya lefatshe ka bophara e e laolwang ke Setheo. Ditokololo tsa Boto ya Sakai le bone ba ne ba kgatlhegile thata mme go ya ka Michael Korcuska, Mokaedi wa Mokhudutamaga wa Sakai, "Solo ke popo e e botlhokwa thata mo bokamosong jwa Sakai".
Sakai Solo ke karolo ya go ithuta mo wepeng ya Sakai ka tikologo ya tirisano e e leng ya mahala e e bulegileng e e bopilweng e e tshegediwang ke morafe wa Sakai. Kumo e ke karolo ya tikologo ya go ithutela ka mo moweng wa inthanete mme - e-Fundi - e e setseng e tlhometswe ka mo NWU ka katlego e kgolo e e fang baithuti tšhono ya go ka direla mo inthaneteng mo ba ka laisololang kapa mo ba ka laisang ditiro kapa mo ba ka kwalang diteko kapa mo ba ka bonang metswedi e e ka ba thusang le go tswelela jalo.
Go ya ka Mor Kobus le Roux, moitseanape wa ITO, NWU e akantse kakanyo e go ka tlola noka e e tlisiwang ke ntlha ya gore dibente tsa inthanete mo SA le mo kontinenteng ya Aferika ga di bophara mme go thata gore moithuti a kgone go ithuta ka go letsa mogala le go palama inthanete ka mogala mme a dirise thulaganyo ya inthanete ya tlwaelo.
NWU e tsere poo ka dinaka mme ya baya mabaka a thulaganyo mme jaanong ba laola porojeke le UNISA, mme Psybergate ke bone ba ba boikarabelo go kwala diporokerama. Sakai Solo jaanong jaana ke kumo e e santseng e bopiwa mme kumo ya pailoto e tla lekiwa ka semesetara ya bobedi monongwaga mo setlhopheng sa baithuti ba Onase ya Bokhemisi ka mo NWU. Tlhomelo ya nnete e tlile go diriwa ka Ferikgong 2009.
Fa o ka rata go amogela tshedimosetso e e tseneletseng ka ga Sakai Solo, ikopantshe le Boeta Pretorius kwa (018) 299 2138.
Mor Kobus le Roux, moitseanape wa ITO wa mo NWU le Mor Louis Botha wa Psybergate ka Sakai Solo ka mo morago.
<fn>NWU-NEWS. News179.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Mor Terseus Liebenberg, molaodi wa diatletiki wa Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(NWU) o kgethilwe go nna mokatisi wa bakolopi ba setlhopha sa diatletiki sa setšhaba kwa Metshamekong ya Olempiki ba ba gaisanang kwa Beijing.
Mor Liebenberg, o ntsha sehuba ka katlego ya baatletiki ba gagwe ba bantsi mme Justine Robbeson, yo jaanong jaana a tshwereng rekoto ya Aforika Borwa le ya Aferika mo jawelining ya basadi, ke gone ba tsamaileng le baatletiki ba bangwe go ya kwa Korea go ya go ikatisa kwa kampeng malasi a a lesome. Morago ga moo ka 13 Phatwe ba tla goroga kwa Beijing go bontsa bokgoni ja bone.
Kwa ntle ga Robbeson yo gone jaanong a le mo maemong a bosupa mo jawelining ya basadi mo lefatsheng mme gone jaanong a tlotliwang ka go na le bokgakala jwa dimetara di le 63,49m, mor Liebenberg o setse a thusitse baatletiki ba bantsi go etela pele le go nna dimampodi.
Mo go bone go na le Marius Corbett, mokolopi wa jawelini wa moitseanape yo gone jaanong a santse a tshwere rekoto ya Aforika Borwa le wa Aferika ka bokgakala jwa 88,75m. Mor Corbett o ne a le moatletiki wa ntlha wa Aforika Borwa wa go nna mampodi wa lefatshe ka Metshameko ya Olempiki ka 1997 kwa Athene. Ene mo ngwageng e e latelang o nnile le mampodi wa Kgweranaditšhaba. Gape ka 1994 o ne a le mampodi wa lefatshe wa baswa mme ka yone ngwaga eo a fenya le metlele ya gauta kwa Metshamekong ya Olempiki mma gape a nna la mampodi wa baithuti ba lefatshe. Gape mo godimo ga se mor Liebenberg o katisitse naledi e nngwe ka 2000 ka Hardus Pienaar yo a nnileng mampodi wa baswa ba lefatshe.
Mor Liebenberg, yo a simolotseng ka 1993 ka mo Yunibesiting a ke tlotlo e kgolo mo go ene go ka emela Aforika Borwa le NWU kwa Metshamekong ya Olempiki. "Nna le Justine re tla dira ka maatla go nna baemedi ba ba kgatlhisang yunibesiti le lefatshe la rona. Re itebogela tšhono e ruri," a bua gape.
Moatletiki yo mongwe wa ga mor Liebenberg, ke Sunette Viljoen yo a seng mo setlhopheng jaanong jaana mme go santse go na le dipuisano gore a kgone go tsengwa mo setlhopheng. Ene o ne a le mampodi wa jawelini kwa Kgweranaditšhaba ka 2006. Ockert Celliers (motabogi wa diheke tsa 400m), le ene ke moatletiki yo mongwe yo a kgonneng go ka emisa seatla ka boleng yo bo mo letlelelang go ya Metshamekong le ene mme a se mo setlhopheng le ene.
Leslè-Ann George o tlhophilwe go emela setlhopha sa hoki sa Aforika Borwa sa basadi mme Ian Symons, yo a tshamekelang Kelapa ya Khamphase ya Potchefstroom ya NWU, ene o tshamekela banna kwa Metshamekong ya Olempiki.
Mor Terseus Liebenberg, molaodi wa diatletiki wa Khamphase ya NWU o kgethilwe go nna mokatisi wa bakolopi ba setlhopha sa diatletiki sa setšhaba kwa Metshamekong ya Olempiki ba ba gaisanang kwa Beijing.
<fn>NWU-NEWS. News180.2009-12-02.tn.txt</fn>
Mor Cobus Steenkamp, motlhatlhobi wa dikgwebo ka mo ofising ya Diporojeke ka mo Ofising ya Setheo ya mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima(NWU) o rulaganya go ya go tsamaya kwa nokeng ya Vis kwa tseleng ya go tsamaya mme a apere sutu le kgetsi mo tirong. Lebaka la go tsamaya ke go kgobokantsha madi go ka rekela bana ba kwa ntlong ya dikhutsana ya Abraham Kriel ya mo Potchefstroom malao le dimaterase.
Mor Steenkamp le setlhopha sa gagwe sa sele sa kwa kerekeng ya Nederduitse-Gereformeerde Kerk Grimbeekpark ba tsaya karolo kwa ntlong ya dikhutsana ya Abraham Kriel. Malao otlhe le dimaterase tsotlhe di tshwanetse go ntshwafatswa mme go ka kgona go dira tiro e go tlhokega go kgobokantsha madi. Ke ka ntlha e a akantseng go ya go tsamaya tsela e ya maoto ya Vis, jaaka e itsiwa mme o tlile go tsamaya ka diaparo tsa tiro.
Go ya ka Mor Steenkamp o akantse ka ga mekgwa ya go ka dira gore go nne matsapa mme go nne botlhokwa go tsamaya ka a utlwile gore a ka ya go tsamaya tsela ka 3 go 7 Phatwe 2008 gammogo le kelapa ya go tsamaya ka maoto ya mo Potchefstroom.
Fa maoto a ka kgona go se mo tshwenye ka ditlhako tsa tiro tse di siameng a re ga a bone tshwenyego epe e e ka dirang gore a fetse tsela. O akanya go tshegetsa mangenana a gagwe ka go a fapha sentle ka difapho tse di materelang. Ee le pholetšhe ke e tsenya le yone. Ga ke na maikaelelo a go fitlha kwa Ai-Ais ka ditlhako tse di leswe, ga re mor. Steenkamp.
Dilo tsotlhe tse a di tlhokang di tshwanetse go lekana ka mo teng ga kgetsi ya mo tirong. Tsone ke jaaka Leatherman, botlolo ya metsi, Beibele, difapho, marukgwe a mabedi a mo teng, dikausu, sesepa se se siametseng tlholego, kopi le pirinki(go dira teye phakela), dijo tse di omisitsweng, boratšhe ya meno, legare, pholetšhe, kobo ya tshoganyetso e e silifara, poleisetere, sepeiti le jodiamo(fa maoto a dira dibolase) ke tsone dilo tsa go ka tsamaya.
Go ya ka mor Steenkamp ga a tlhoko go jesa batsamai ba bangwe fatshe. O itlamile gore ga a ye go ba kopa dijo kapa dikobo. Fa go le mogote go lekana a ka dirisa baki go nna mosamo. Digalase tsa letsatsi le hutse di ka thibelela letsatsi motshegare mo sefatlhegong. Ee gape a ka bofolola le tai gannye mme a ka latlhela baki ka mo legetleng fa go gotela thata.
Mor Hennie Knell, moetapele wa batsamai a re ga a itse gore a dire eng, a tshege, a tshwenyege kapa a lele ka ga maano a ga mor Steenkamp. O ikaeletse go bua le ene gore a rwale ditlhako tse di diretsweng go tsamaya tse di siameng.
Moh Catharien Saayman, tlhogo ya Ntlo ya dikhutsana ya Abraham Kriel ka mo Potchefstroom, o rile gore dimaterase tsa bana di fedile mme go leka le go baakanya malao ga go tlhole go kgonagala. Go tlhokega madi a kana ka R88 000 go reka tse dintšhwa.
"Re itumela thata fa go na le motho yo a nang le pelo jalo go ka tsenya marapo mo nameng mme a tsamaele bana maele ya bobedi jaaka seane se re," ga re moh Saayman.
Go ka amogela tshedimosetso ka ga kgang e le go amogela dinomoro tsa tshupomolato wa kwa bankeng go ka ikopantshwa le moh Lanie Crewe kwa 084 511 1651.
Kgang e kwadilwe ke Linda de Beer mo tshimologong.
Mor Cobus Steenkamp yo a tlileng go tsamaya tsela ya kwa nokeng ya Vis ka kgetsi ya mo tirong le ka sutu go kgobokanyetsa ntlo ya dikhutsana ya Abraham Kriel ka mo Potchefstroom madi.
<fn>NWU-NEWS. News181.2009-12-02.tn.txt</fn>
VANDERBIJLPARK - Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU) ke kgale e itsiwa ka boitseanape jwa akatemi, tlholego e ntle kemonokeng ya merafe mme e tloga e kwadiwa le ka mo bukeng ya direkoto ya Guinness Book of Records.
Ka kopano ya 2007 ya Wheels@Vaal (Link: mailto: Wheels@Vaal) go ne ga lekiwa rekoto ya lefatshe ya dienjini tse di emeng tse di dumang mme tsa tsamaya nako e e rileng. Palokgolo ya dienjini di le 205 di ne tsa tsamaya metsotso e metlhano kwa ntle ga go tima.
Dienjini tse di emeng fela di tlhaga kwa dilemong tsa 1900 mo di ileng tsa dirisiwa ke balemirui go pompa metsi le go dira motlakase mme morago di ile tsa dirisiwa le ka mo difemeng. Bontsi jwa dienjini tse di ne di dirisa metsi le phufudi mme morago ga nako e telele di ile tsa simolola go dirisa lookwane. Go ya ka mor Mauritz Meyer, morulaganyi wa Wheels@Vaal (Link: mailto: Wheels@Vaal) dienjini tse di kgatlhisa ba ba di gopolang thata mme gape di kgatlhisa thata ba ba di kgobokantshang mme ba di baakanya ka kelotlhoko gore di tshwane le pele.
Dienjini di ratiwa le kwa Boritane le kwa Amerika. Leina le kgwebo ya dienjini tse ke e re e itseng rotlhe ya Lister. Di ne di diriwa teng ka mo Vereeniging mo tshimologong ya dingwagalekgolo tse di fetileng mme le gompieno e santse e tlisa dienjini tsa go dira motlakase go tswa kwa moseja go tla mo Aferika Borwa. Lister SA e ne e le moemeladitshenyegelo yo mogolo wa letsatsi.
Go ya ka mor Meyer batlhagisi ba ne ba tswa kgakala jaaka kwa Carolina, Bela-Bela, Stilfontein, Kroonstad le Johannesburg mme ba tla go tsaya karolo mo go tlhomeng ga rekoto e ya lefatshe. Go ka bona rekoto kopo ya semmuso e tshwanetse go diriwa kwa Guinness Book of Records mme e kwadisiwe kwa go bone. Ka ntlha ya gore Boritane ga e ise e kwadise rekoto bakgobokantshi ba mo Aforika Borwa ba dienjini ba tseile kgato ya kwadisa rekoto mme sephetho ke gore e tla tsengwa ka mo Guinness Book of Records ya 2009. Melawana e e neng e beilwe ke e e latelang:: dienjini di ne di tshwanetse go kgona go dira mme di ne di tshwanetse go duma metsotso e metlhano e sa time. Go ne go na le mokwadisi gammogo le baatlhodi ba babedi ba ba neng ba tlhomamisa gore teko e ya go tlhoma rekoto e siame mme e gotlhe go tsamaisiwa ka tshwanelo. Phala e ne e lela go itsisa ka ga tshimologo le bofelo jwa nako ya rekoto. Mo letsatsing la ntlha go ne go duma dienjini di le 184 mme mo letsatsing la bobedi go ne go duma di le 205 tse di neng tsa tlhoma rekoto.
Barulaganyi ba go tlhoma rekoto ke kelapa ya Vaal Ou Wiele Klub ba na le ditokololo di le 250 ba ba ratang dijanaga ledienjini mme ngwaga le ngwaga ba tla mo pontshong ya dijanaga ya Wheels@Vaal (Link: mailto: Wheels@Vaal). Pontsho e ke e kgolo go feta tsotlhe mo bogareng jwa Aforika Borwa mme e bitsa batho ba bantsi ngwaga le ngwaga.
Pontsho ya dijanaga tsa kgale ngwaga le ngwaga e goka barati le batlhagisi le babontshi ba dijanaga go tla mo Wheels@Vaal (Link: mailto: Wheels@Vaal) mme ba tla ka bontsi mo pontshong e.
Mauritz Meyer (mo molemeng) le Alan Heyns, modulasetulo wa kelapa ya Vaal Ou Wiele Klub ka setifikeiti ya tumelo ya rekoto.
Setifikeiti ya semmuso ya tumelo ya rekoto go tswa go Guinness Book of Records.
Ba ba neng ba le teng ka mokete wa go jela rekoto e e tlhomilweng go tswa mo molemeng ke: Willie Boshoff (Lister SA), Neville Botha (morulaganyi wa dienjini tse di emeng tse di dumang) le Awie van Wyk (moatlhodi).
Sekao sa enjini e e ikemelang.
<fn>NWU-NEWS. News182.2009-12-02.tn.txt</fn>
Ditlhopha tse pedi tsa serutwa sa Popo ya Dikerafo ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ba mo tseleng go ka fenya dikabelo tse di galelwang tse di leng tsa: International Adobe Design Achievement kapa ya 2008 SABS Design Institute's Design Achiever.
Baithuti ba bararo ba Popo ya Dikerafo ba ngwaga ya bofelo ba e leng Phutheho Ranooe, Leana De Beer le Melissa Maloney, ba tlhophilwe go tsena mo makgaolakgannyeng jwa kgaisanong ya 2008 SABS Design Institute se Design Achiever Awards.
Letsholo la media la ga Phutheho e e biditsweng Golden Egos, le le nang le maikaelelo a go tlosa lenyatso la batho ba Aforika ka go tlhoma le go itsisa ka ga baetapele ba ba ka latelwang mo Aforika, ke lone le le tlhomamisitseng gore a bone lefelo mo makgaolakgannyeng. Phutheho o kgatlhisitse baatlhodi ka ponelopele le pharologantsho ya gagwe ya boetapele le ka tlhaloganyo ya gagwe ka ga mabaka a a thata a loago le setso a a tlhokang kelotlhoko.
SABS Design Institute ba simolotse tiro ya dikabelo tsa Design Achievers ka 1987. Kabelo e e farologana le dikabelo tse dingwe tsa mo Aforika Borwa tsa popo ya dikerafo ka gore yone ke ya setšhaba mme ke e e bophara ka go lebelela kopantsho ya dirutwa mme e lebelela thata poposešwa ya dipopo le boetapele le boitseanape jwa go bopa sešwa.
Ke selemo sa boratharo se se latelanang sa gore baithuti ba mo YBB ba Khamphase ya Potchefstroom ba itlhaole go tsena mo makgaolakgannyeng jwa Design Achiever Awards mme ke sa ntlha gore go nne le baithuti ba bararo mo makgaolakgannyeng jwa kgaisano e e tlotlo e.
Porojeke ya ga Carla Erasmus, Leana de Beer le Gert Schoeman, Mossie - e mo setšhabeng e fentseng kabelo ya gauta ya Pendoring le ya Construction New Media Grand Prix - le yone e mo lenaneng le lekhutswane la mo dipopong tsa media e e dirisanang mmogo mo khomputareng.
Porojeke ya ga Gert ya gagwe a le mongwe ya A sleepless night, le yone e biditswe leina ka mo karolong e. Ka mo karolong ya ditshwantsho go na le diporojeke tse pedi tse di fitlhileng mo makgaolakgannyeng mme ke tsa ga Christo Kruger le porojeke ya setlhopha ya ga Carla Erasmus le Yvonne Lombard. Ka mo karolong ya media e e gatisiwang go na le diporojeke tse pedi tsa ditlhopha, e nngwe ya ga Aletti Marx le Christell Badenhorst le e nngwe ya ga Gert Schoeman le Suzan van Wyk, tse di mo makgaolakgannyeng.
YBB ke e nngwe ya ditheo tse pedi tsa mo Aforika Borwa tse di fetetseng ka mo makgaolakgannyeng a kgaisano.
Kabelo ya Adobe Design Achievement Awards e lebelela thata go dira dikabelo go batho le ditlhopha ba ba bopileng dipopo ka go dirisa porokerama ya Adobe. Kgaisano, ngwaga le ngwaga e tshwarelwa kwa mafatsheng a a 34 mme ka dikabelo tse go tlotliwa baithuti ba ba ditalente tse di fetang ba ba fanang ka tsholofelo ya bokamoso mo lefatsheng mo ditheong tsa thuto godimo tse di etelang pele.
Phutheho Ranooe, moithuti wa ngwaga ya bofelo, ke yo mongwe wa baithuti ba popo ya dikerafo ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) yo a leng mo makgaolakgannyeng wa kabelo ya Design Achiever Awards tsa 2008 SABS Design Institute.
Mo karolong ya ditshwantsho Christo Kruger o fitlhetse ka mo makgaolakgannyeng. Mo re bona ditshwantsho tse pedi tsa gagwe.
<fn>NWU-NEWS. News185.2009-12-02.tn.txt</fn>
Bafenyi ke ba!
Palo e e gaufi le 1 000 ya baarabi ba tsere karolo mo patlisisong ya tiro ya tlhabololosešwa ya wepe ya YBB. Ka tlhopho ya ba ba lesego batsayakarolo ba ba 7 ba amogetse dimpho tse di kgatlhisang.
Batsayakarolo ba ne ba direla mo dikarolong tse di farologaneng - tsa alumni, baithuti le batsadi, baithuti ba jaanong le ba bokamoso le badiri ba yunibesiti. Ka mo karolong ya baithuti baarabi ba ba lesego ba bararo, mongwe le mongwe o fentse i-poto. Bone ke Mor LJ Chacha (Khamphase ya Mafikeng), Mor Barend Havenga (Khamphase ya Potchefstroom) le Moh Nadia de Beer (Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa).
Moh Jasenta Makena wa kwa Orange Farm o fentse i-poto e nngwe morago ga go tsaya karolo mo kgaolong ya baithuti ba bokamoso.
Baarabi ba bararo ba fentse mongwe le mongwe madi a R1000 ka seatla. Bone ke Moh Monique Joubert wa kwa Tshwane (alumni), Moh Marlize Louw wa kwa Matlosane (motsadi) le Moh Brualda Abrahams wa mo Khamphaseng ya Potchefstroom(modiri).
Jaanong jaana go atlholwa dikakanyo le dikarabo gore fa ba bopa wepe sešwa ba kgone go arabela ditlhokego tsa badirisi ba wepe. Fa ba feditse go atlhola gotlhe go tla logiwa maano a porojeke le ditlha tsa go fetsa tsa go bopa thulaganyo le paakanyo ya diteng, popo ya wepe, tlhomelo le diteko le go tlhomela ruri mo bofelong. Bala go feta ka ga tiro ya tlhabololo-sešwa ka mo kgatisong e e tlang ya Eish!
Moh Marelize Louw o amogela madi a gagwe a R1000 mo seatleng go tswa mo go Moh Marelize Santana, Motlhankedi wa Tshedimosetso wa mo Megaleng wa mo Lefapheng la Merero ya Korporatifi le Kamano.
Mor Vincent Eastes, Molaodimogolo: Wepe le Neeletsanyo ya Motlakase, Khamphase ya Potchefstroom (mo mojeng), o fa bafenyi ba babedi ba mo Khamphaseng ya Potchefstroom dimpho tsa bone. Bone e ne e le Mor Barend Havenga (mo gare) le Moh Brualda Abrahams (mo mojeng).
Mofenyi wa moithuti, Mor Letlhogonolo Chacha (Khamphase ya Mafikeng) o amogela i-poto go tswa mo go Mor Lester Mpolokeng, Motshwarela-Mokaedi: Go Maketa le Neeletsanyo ka mo Khamphaseng ya Mafikeng.
Moh Jasenta Makena, moithuti wa bokamoso go tswa kwa Orange Farm le ene o fentse i-poto.
Moh Monique Joubert, Moalumni wa YBB o fentse madi a diranta di le R1000 mo seatleng.
<fn>NWU-NEWS. News186.2009-12-02.tn.txt</fn>
VANDERBIJLPARK - Palo e e fetang 5000 ya barutwana ba tla bona mosola go tswa mo porokerameng ya go thusa go tokofatsa palo ya ba ba fetang materiki mo dikolong tse di sa feteng jaaka di tshwanetse ka mo tikologong ya Khutlotharo ya Lekwa.
Porokerama e ke kakanyo le tirisanommogo magareng a Sekolo sa Thuto ka mo Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) le tikologo ya Sedibeng sa Bophirima(D8) sa Lefapha la Thuto ka palo ya dikolo di le 37 tse di tsenang mo porokerameng.
Sekolo se se sa feteng ka tshwanelo ke sekolo mo palo ya go feta e leng kwa tlase ga 60%, mme barutwana ba dikolo tse ba ile ba rutiwa ka boikhutso jwa mariga mme ba amogela dithuto tse di oketsegileng tsa dirutwa jaaka Seesimane, Dipalo, Kitsokwalo ya Dipalo, Bosaense jwa Bophelo, Palotlotlo le Saense ya Tlhago.
Se se dirang gore porojeke e e bonwe mosola thata ke gore go lemogilwe ka diteko tsa pele le tsa morago ga thuso gore kitso le tlhaloganyo ya barutwana mo dirutweng dingwe e oketsegile ka 80%.
Jaaka go ka akangwa go dirisitwe nako e ntsi go ka rulaganya le go loga maano a go diragatsa tiro e. Batlhatlheledi ba Sekolo sa Thuto ba ile ba nna barulaganyi ba mo dirutweng mme baithuti ba ba fetang 200 ba ba ithutelang borutabana ba dingwaga tsa boraro le tsa bone ba ile ba ruta mme ba thusa.
Go ne go tlhophilwe morulaganyi wa serutwa se sengwe le se sengwe mme batlhatlheledi ba ne ba na le boikarabelo jwa go katisa bathusi le go tlhabolola dimateriale tsa go ithuta le go ruta tse di ileng tsa dirisiwa. Tsepo ya porokerama ya go thusa e ne e se fela go ruta barutwana tiro e ntsi e e rileng mme e ne e le go tlhomamisa gore ba tlhaloganya tiro mme ba e e kgona gotlhe-gotlhe.
Ditokololo tsa Lefapha la Thuto gammogo le barulaganyi ba dirutwa ba ile ba etela senteramo e nngwe le e nngwe gangwe le gape go tlhomamisa gore go diriwa tiro ya boleng. Go ya ka ngk Elsa Fourie, Mokaedi wa Sekolo sa Thuto, porokerama e ka bonwa e le ya tirisanommogo e e sa ikaelelang fela go baakanyetsa makereiti ya 12 fela go ipaakanyetsa ditlhatlhobo mme gape e ne e le go gatelela ntlha mo barutwaneng go ka ba itsisa gore go botlhokwa go ka na le maduo a a siameng le go akanyetsa bokamoso.
Ngk Fourie o tlhaloseditse gape gore ka kgwedi ya Lwetse porojeke e tla tsenela mo tikologong ya teng ya bobedi mo thuso ya bofelo e ka diragalang teng. "Ke toro ya dipelo tsa rona gore porojeke e ka tswa e le ya kgolaganyo ya nako e telele mme e tswelele go se tswele mosola bašwa fela le go ba fa maatla mme e tlise le tsosoloso e e tswelelang ka mo tikologong ya Khutlotharo ya Lekwa," ga re ngk Fourie.
Palo e e fetang 200 ya baithuti ba borutabana ba ne ba katisitswe go nna bathusi mo porokerameng ya thuso.
Boelang sekolong! Palo e e fetang barutwana ba ba 5 000 ba ne ba tswela mosola mo porokerameng ya thuso.
<fn>NWU-NEWS. News187.2009-12-02.tn.txt</fn>
VANDERBIJLPARK - Moletlo o o ne o tshwana le ya dinaledi tsa kwa Hollywood mme go ne go na le mmata o mohwibidu le dikhemera tse di ponya-ponyang. Ditokololo tsa baalumni ba kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa(KKL) ba Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ba kgatlhisitswe ka moletlo o o biditsweng: "Bosigo le dinaledi". Ka nako ya moletlo o wa maphatsi-phatsi go ne go tlotliwa mmalwa wa baalumni ba ba iphileng go dira dikabelo mo merafeng ya bone le mo dikarolong tsa tiro tsa bone.
Go ya ka Moh Alwine Naude, morulaganyi wa baalumni ba KKL maikaelelo a moletlo a ne a le go matlatafatsa matloa a tirisanommogo magareng a baalumni le Khamphase le go leboga "baambasatara" ba Khamphase. "Re ntsha sehuba ruri ka baalumni ba rona mme ke tshwanelo gore re ba leboge le go tswa mo Khamphaseng," ga re Moh Naude. O tlaleletsa ka go re ke bone baithuti ba maabane ba ba beileng motheo wa ba gompieno.
Moopedi wa moletlo o ne a le moatshe le mokgabisi, Manuel Escorcio.
Mor Heinrich Kriel, Motsamaisi Mokhudutamaga wa Saldanha Staal le mogatsa Christelle yo le ene a leng moalumnni.
Mor Corrie Botha, Molaodi wa Feme - babopi ba Ditshipi kwa Arcelor Mittal. Mosadi wa gagwe le ene ke moalumni.
Moh Lindokuhle Dingiswayo, Mofenyi wa kgaisano ya Puo ya Tekanyetso ya Old Mutual/Nedbank ka 2008. Moh Dingiswayo yo a leng mosadi wa ntlha yo montsho yo a fentseng kgaisano e ya tlotlo, jaanong jaana o direla kwa Bankeng ya Resefe ya Aforika Borwa.
Ngk Mojaki Mosia, Mokaedi: Metswedithuso ya Batho wa BMW ya Aforika Borwa. Mosadi wa gagwe, Magauta - le ene ke moalumni - ke ene Mokaedi: Metswedithuso ya Batho kwa Rand Merchant Bank.
Mor André Mellet, Moekonomi wa Ngwaga 2006 yo a duleng mo maemong a bobedi ka 2007. Ene jaanong jaana ke motlhatlheledi ka mo Fakalthing ya Ekonomi le IT.
Moh Haidee Kruger, motlhatlheledi wa mo Fakalthing ya Bosaense jwa Botho yo gape a leng mokwadi wa Lush: poems for four voices. Monna wa gagwe le ene ke Ngk Jan-Louis Kruger, le ene ke moalumni mme ke Mokaedi wa Sekolo sa Dipuo kwa KKL.
<fn>NWU-NEWS. News188.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Monongwana, Tirelo-Setšhaba ya Baithuti e e amanang le RAG (e e bidiwang SJGD) ya Khampase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU) e ile ya abela mekgatlho, ditheo le batho ka bongwe madi a a fitlhang go R1 milione kwa Bokone Bophirima.
SJGD ke mokgatlho wa go thusa batlhoki o mogolo go e gaisa yotlhe mo nageng yotlhe o o kokoanyang madi ngwaga le ngwaga mo toropong ka nako ya beke ya Rag. Ka nako ya moletlo wa go aba dimpho wa SJGD, palogotlhe ya madi a a neng a abelwa mekgatlho e le 45 le batho ka bongwe e ne ya fitlha go R380 000. Ditheo tseno di fitlhelwa mo dikarolong tse dintsi tsa Porofense ya Bokone Bophirima.
Modulasetulo wa SJGD, e leng Egbert Meyer, a re ba ile ba berekana le dikopo tse di fetang 70 mo ngwageng ono pele ga moletlo ono.
Go ya ka Egbert madi otlhe a a neng a kokoanngwa a ne a abelwa diporojeke di le 42 tse di laolwang ke baithuti ba Khamphase ya Potchefstroom. Mo gare ga diporojeke tseno, go na le tse 26 tsa dihosetele tsa Khamphase eno, letlole la madi la Lekgotla la Baithuti la Bapanang, letlole la maemo a tshoganyetso la SJGD la go tlamela baithuti ba ba tlhokileng lesego ka dijo, mmogo le diporojeke di le 16 tsa SJGD ka boyone.
Mookamedi wa Khamphase, e leng Prof Annette Combrink, a re Khamphase ya Potchefstroom e motlotlo ka tiro e e dirwang ke maloko a komiti ngwaga le ngwaga ya go namola bontsi jwa batho le mekgatlho e e wetseng mo lehumeng la nta ya selomela kobong mo porofenseng.
Go tswa kafa molemeng ke Johann Steyl, Modulasetulo wa maloba wa Rag, Phillip Moolman, seopedi, Junita Oelofse, motlatsa-modulasetulo wa SJGD, Egbert Meyer, modulasetulo wa SJGD le Porofesa Annette Combrink, Mookamedi wa Khamphase, ka nako ya moletlo wa SJGD wa go aba dimpho.
Selouna Visser yo mmotlana o newa madi a setulo sa maotwana go tswa go SJGD. Fano, modulasetulo wa SGJD, e leng Egbert Meyer, o tlamparela mmaagwe, e bong Roma, ka nako ya moletlo wa go aba dimpho.
<fn>NWU-NEWS. News189.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Baithuti ba batlhano ba mo Maekorobioloji ka mo Sekolong sa Bosaense jwa Tlholego le Tlhabololo ya Tlholego ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom ka mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima(YBB) ba ne ba ikwadisitse mo kgaisanong ya ntlha ya diyunibesiti ya setšhaba mme ba fenya kabelo ya R5 000 ka mo karolong ya Best Label seno sa bone se se biditweng, Wernicken - liquid enlightenment.
Mo godimo ga kgaisano e, kwadiso ya setlhopha e dirile gore ba amogele thuso ya madi ya go ka tsenyetswa boitielonnye ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom. Setlhopha sa YBB ke setlhopha se le sengwe fela mo go ba ba thataro mo kgaisanong ya SAB(Suid-Afrikaanse Brouerye) ka tirisano ya SETA ya Foodbev le IBD(International Brewery & Distillery), se se neng sa ikwadisa kwa ntle ga go na le boitielonnye. Ba mo Potchefstroom morago ga moo ba ile ba amogela lebone le letala la roboto go tswa go SAB gore ba simolole go baakanyetsa mediriso e mošwa e ka mo Maekokobioloji.
Maikaelelomagolo a kgaisano e ke go gogela diyunibesiti ka mo setsong se se tlotliwang sa Aforika Borwa sa go titiela majalwa le go gogela baithuti ka mo ba ka bonang dibasari. Gape maikaelelo a ne a le go biletsa ditalente mo baithuting ba ba nang le kgatlhego go bona boiphediso ka mo ditirong tsa mo boitielong.
YBB e ne e gaisane le Diyunibesiti tsa Pretoria, Witwatersrand, Kapa, Stellenbosch le ya kwa KwaZulu-Natal mme go ne go lebeletswe boleng jwa bojalwa, ditshwao tsa dibotlolo le dipuo tsa baikwadisi. Lager, ale le bojalwa bo bo rileng di ile tsa atlholwa ke batatsi ba ba kwadisitsweng ba bojalwa mme ditshwao tsa dibotlele le dipuo di ile tsa atlholwa ke baemedi ba SAB le SETA ya Foodbev le ba IBD Aforika.
Mor Jaco Bezuidenhout, motlhatlheledi wa Sekolo sa Bosaense jwa Tlholego le Tlhabololo ya Tlholego(Maekorobioloji), o itumetse thata ka ga kgang e e monate go ka na le boitielonnye ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom. O rile gape gore "Se se ka dira gore mo dikgaisanong tse di tlang re kgone go gaisana sentle le diyunibesiti tse dingwe. Ka boitielonnye ka mo Khamphaseng baithuti ba rona ba na le maikaelelo a go tlisa sekgele sa Ben Lamaletie - IBD Legend sa 2009 mo Potchefstroom ka bojalwa jwa bone jwa Wernicken".
Batitiedi ba kwa Tukkies ba fentse sekgele sa Ben Lamaletie - IBD Legend ka bojalwa jwa bone jwa American Pale Ale mme ba bona le basari ya madi a kana ka R125 000 gore ba tswedise dithuto ka mo dithutong tsa botitielong le dirutwa tse di tsamaisanang. Ditokololo tsa setlhopha di amogetse R10 000 gore di e kgaoganye mme Lefapha la Boenjineri jwa Khemi le abetswe le lone R10 000.
Baithuti ba Maekorobioloji ba mo YBB mo Khamphaseng ya Potchefstroom ba ba neng ba ikwadisitse ka mo kgaisanong ya boitielonnye ke, mo pele, Andia van Niekerk, Abraham Mahlatsi le Simone Ferreira, mme kwa morago ke Jerry Lourens le Danie Brink.
Setshwao sa mo botleleng se se dirileng gore baithuti ba maekoroboiloji ba fenye kgaisano ya boitielo. Bojalwa jwa setlhopha sa YBB se itsiwa e le Wernicken - liquid enlightenment.
<fn>NWU-NEWS. News19.2009-12-02.tn.txt</fn>
Ga go yo o ka ganelang gore ngwaga wa 2004 e ne e le o o boima.
Le ga le, nte ke beye letshwao mo ngwageng o: ke ngwaga o tirisanommogo, thotloetso, le go dira ka natla go re tliseditseng katlego ya go nna ngata e le nngwe mo Aforika Borwa.
Ka go rialo ke lebogela maitemogelo a a boingotlo go bona le go lemoga ka mokgwa o dilo di ka diragalang ka teng, le ka mokgwa o badirammogo ba amogelang boikarabelo ka teng, mme e bile ba ntse ba tsweletse ka tiro. Ka makgetho ke batlile ke gakgamadiwa ke maikutlo, mafolofolo, maikarabelo le maikaelelo a a neng a iphitlhileSe, ke se ke se lemogileng mo dikhampaseng tse tsotlhe.
Go ne go le matshwanedi mo go nna le wena go itemogela ngwaga o wa ntlha wa Yunibesithi ya Bokone-Bophirima. Fa re ne re ka lekanya maikaelelo a rona le diphitlhelelo tsa rona go fitlha fa, ke solofela gore Yunibesithi ya rona e ka bona maemo a dinaledi! Mme re ka agelela ngwaga wa 2005 mo godimo ga motheo o.
Ke solofela gore botlhe ba ba ithulagantseng ka mokgwa o, ba tla nna le boikhutso bo bo monate. Rotlhe re lapile, fela, go gontsi go re go dirileng go bontsha bontle, go dira ka thata le ka botshepegi. Ke tshepa go re lona le ba le ba ratang le tla itumelela malatsi a lona a boikhutso gammogo le botsalo ba Morena.
Rotlhe re lemoga gore 2005 e tla nna le dikgwetlho tsa yona tse di tshwanang di le nosi e bile di le mararanyana. Ikhutseng sentle, nnang le itekanetse mo mmeleng, siamisang ditlhaloganyo, lootsang megopolo le go bona dikakanyo. Yunibesithi ya Bokone-Bophirima e a le tlhoka! Ka gonne ngwaga o o tlang re tlile go nna botoka go feta fa...
Ditumediso go tswa Bokone-Bophirima.
<fn>NWU-NEWS. News190.2009-12-02.tn.txt</fn>
Moalumni wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) wa Khamphase ya Potchefstroom yo a leng mme wa bomme ba ba 24 ba mo Aforika, jaanong o tlile go tsenya baithuti le batlhatlheledi ba neeletsanyo ka mo tlase ga diphuka tsa gagwe fa a tla go kgaogantsha kitso le bokgoni jwa gagwe le bone.
Moporof Elain Vlok, Molaodi wa Ditirelo tsa Korporatifi kwa Setlhamong sa Diteri sa Clover, o tlhophilwe go nna moporofesara wa tlotlo kwa Sekolong sa Dithuto tsa Neeletsanyo mo Fakalthing ya Atshe. Moporof Vlok ke moithuti wa kgale wa PUK mme o ne a ruta ka mo Khamphaseng ka 1976 go 1988.
Moporofesara yo a tlotliwang gagolo ka mo tikologong ya go maketa o tla tla go ruta dithuto nako le nako ka mo neeletsanyong ya tlhabololo le ya korporatifi.
Gape o bonwa "molato" ka go fetsa didikerii jaaka e kete ke go fetisa nako fela. Mo tshimologong ya dihuto tsa gagwe ka mo Pothefstroom Universiteit vir Christelike Hoër Onderwys (PU vir CHO) o simolotse ka BSc ya Thutolapa mme morago a fetsa gape dithuto tsa Laeborari, Onase ya Isizulu le Dithuto tsa Neeletsanyo le didikerii tsa MA tsa Isizulu le Thutoloago(kemo nokeng) le gape dikerii ya Bongaka ya Dithuto tsa Neeletsanyo.
Morago ga dilemo tsa gagwe tsa botlhatlheledi o dirile dilemo di le tlhano kwa Trust Bank mme a le molaodi wa dipapatso mme o na le dingwaga di le 15 kwa Clover jaanong. Moporof Vlok mo nakong e ya thapo o amogetse palo ya dikabelo go tswa mo dithulaganyong tse di farologaneng ka porojeke ya gagwe ya boikarabelo jwa loago ya Mama Afrika. Mo godimo ga se o kwadile le dibuka tsa Theo ya Kapeo di le robedi.
Go ya ka Moporof Paul Schutte, Mokaedi wa Sekolo sa Dithuto tsa Neeletsanyo, ba itumetse go ka dirisa maitemogelo le bokgoni jwa gagwe ka tumelano e e golegilweng gore a tle go fetisa bokgoni le maitemogelo a gagwe le baithuti ba pele le morago ga didikerii le batlhatlheledi ka dithuto le ka boeteledipele jwa mo dithutong.
Moporof Paul Schutte, Mokaedi wa Sekolo sa Dithuto tsa Neeletsanyo, Elain Vlok, Molaodi wa Tirelo ya Korporatifi kwa Clover, ka sekgele se a se abetseng mampodi wa akatemi kapa porojeke ya ka mo boikarabelong jwa loago, le ngk Lynette Fourie, Modulasetulo wa Serutwa sa Dithuto tsa Neeletsanyo.
<fn>NWU-NEWS. News191.2009-12-02.tn.txt</fn>
OFISI YA SETHEO - Lefelo la Wepe la Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) le mo tseleng ya go bontsha sefatlhego se sešwa, maitemogelo le mabaka a tokafatso a eleketeroniki jaaka batsayakarolo ba kopile.
YBB mo nakong e e fetileng e kopile batsayakarolo ba bagolo go dirisana mo patlisisong ya go tlhabolola sešwa lefelo la wepe gore go amogelwe dikakanyo tsa bone ka ga lefelo la wepe la jaanong jaana. Patlisiso e tlhometswe mme yone ke karolo ya tlhabololosešwa, kopantsho le taolo ya lefelo le lešwa la YBB la wepe, mme e dirisitswe go bona gore batsayakarolo ba bona jang lefelo la wepe la jaanong jaana mme ditlhokego tsa bone tsa ntlha ke eng.
Baalumni, batsadi ba baithuti ba jaanong jaana le baithuti le badiri ba jaanong le ba bokamoso ba Ofisi ya Setheo le ba dikhamphase tsa Mafikeng, Potchefstroom le Khutlotharo ya Lekwa ba ile ba tsaya karolo mo patlisisong mme palokgolo ya dikarabo di le 901 di ile tsa amogelwa. Batsayakarolo ba ile ba ntsha maikutlo a bone le maitemogelo a bone ka ga tse ba di ratang le tse ba sa di rateng ka dintlha tse di mmalwa.
Baarabi ba ka rata go na le tshedimosetso e e tseneletseng ya dikerii, khoso le porokerama e nngwe le e nngwe e e rutiwang ka mo YBB le tlhaloso e e khutswane mo go tsone, ditiro tse di ka diriwang fa o e feditse, ditshenyegelo, nako ya go ithuta, ditlhokego tsa go ka ikopela le go ikwadisa, jj.
Jaanong jaaka diphetho di lebeletswe kgato e e latelang ke ya go tlhabolola leano le ditlha tsa go tswelela ka popo le tlhaloso ya diteng le popo ya wepe, tlhomelo le go tsenya tirong le go e dira diteko mme mo bofelong go tlhomelwe lefelo la wepe le lešwa la YBB le le tokofaditsweng.
<fn>NWU-NEWS. News192.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Baithuti ba Onase ba Neeletsanyo ya Tlhabololo ba mo Fakalthing ya Diatshe ka Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ka porojeke ya GIRLL(Girls in risk reduction leadership) ba thusitse bašwa ba ba 21 ka mo morafeng wa Sonderwater mme ba ba matlafatsa ka bokgoni.
Baithuti ba ba tlhano, Kristel Fourie, Yolanda Maartens, Jeanne Oliver, Amoré Truter le Madge Lourens ba ne ba dira ba le baithaopi ka mo porojekeng ya GIRRLya ga Moh Kylah Forbes Biggs, mmatlisisimmogo ka mo Senteramong ya Aforika ya Dithuto tsa Matlhotlhapelo, ka mo tlase ga boeteledipele jwa ga Ngk Dewald van Niekerk.
Porojeke e ile ya matlafatsa basetsana ba bašwa ba ba 21 ba kwa morafeng wa Sonderwater, mo Ikageng ka dithuto tsa kitso le katiso. Go ne ga lebelelwa ditlhogo jaaka HIV/Aids, boitekanelo jwa mebele le thuso ya tshoganyetso gore mo bofelong basetsana ba ba kgone go thusa morafe. Ba ba neng ba kopilwe go thusa ka dithuto ke mmuso wa selegae, baitseanape le batlhatlheledi gore ba tle go fana ka dithuto le katiso.
Dikopano ga di a fana fela ka tshedimosetso mme di ile tsa aga boikanyo mme tsa fa basetsana kitso le tshedimosetso gore ba kgone go akanya le go ka tsaya dikgato tse di bontshang kitso le tlhaloganyo.
Go ya ka Moh Biggs baithuti ba ile ba tira go feta se ba se kopilweng mme a tlhalosa gape ka go re: "Teori le bophelo di ile tsa kopana mme tsa buisana". Setlhopha gape se ile sa rulaganya letsatsi la morafe maloba mo Ikageng mo basetsana ba ileng ba fetisa kitso ya bone go ya kwa bathong ba morafe mme ba ba ruta ka go dirisa terama.
GIRRL e emiwa nokeng ka madi ke Banka ya Lefatshe mme fela maloba e ile ya tsengwa le yone ka mo diporokerameng tsa Ditšhabakopano (UN) tsa boditšhabatšhaba tsa diporokerama tsa togamaano tsa go fokotsa matlhotlhapelo.
Go ya ka Moh Biggs ba ka rata go ruta porojeke e le mo merafeng e mengwe. Ikopantshe le Moh Biggs kwa (018) 299 1620 go ka bona tshedimosetso e e feteletseng.
Setshwantsho: Moh Kylah Forbes Biggs (wa boraro mo molemeng), Kristel Fourie, Yolanda Maartens, Amoré Truter le Jeanne Oliver, (baithuti ba ba thusitseng ka porojeke ya GIRRL), ba na le basetsana ba bašwa ba kwa Sonderwater.
<fn>NWU-NEWS. News193.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Bontsi jwa baithuti ba ba ithutetseng go torowa le go tsenya ditshwantsho ka khomphiutara ba Yunibesithi ya Bokone-Bophirima (NWU) ya Khamphase ya Potchefstroom ba ile ba gapa diawate tsa 2008. Kwantle ga diporojeke di le thataro tsa go fitlha kwa makgaolakgannyeng, NWU e ne ya ikgapela Dijana tsa gauta di le tharo mo go tse nnè tsa gauta tse di neng di abiwa monongwaga.
Ditlhopha tse pedi tsa ngwaga wa bonè tsa diporojeke tsa ga René Julyan, Gerda van der Walt, Terese Potgieter le Christi de Jager, Die Kloppers, le sa ga Christel Badenhorst, Marlize Bergh, Winette Pretorius le Johnny Thomas, Kultuur in jou are (matsholo a mabedi a Moletlo wa Bosetšhaba wa Botsweretshi wa Aardklop) a ile a ela tlhoko gore NWU e a fenya mo setlhopheng se se kopantsweng sa letsholo la motswedi wa dikgang ka gore ditlhopha tseno ka bobedi di ikgapele sejana sa gauta. Setlhopha sa baithuti ba ngwaga wa boraro, e leng Jaco Burger, Roscher Maritz le Zinelda McDonald, se ikgapetse Sejana sa gauta mo karolong e nngwe ya motswedi wa dikgang.
Kwantle ga dikgaisano tseno, NWU ke yone e e neng e di goga kwa pele mo ditlhopheng tseno ka bobedi, ka go nna le palo e e kwa godimo go feta ya ditlhopha tse dingwe se di fitlhileng kwa makgaolakgannyeng. Tsebe ya setsha sa ithanete ya ga Braam Kempen, Lauren Moses le Freda Raubenheimer, Luiardia, le ya ga Emarie Gouws, Astrid Gevers le Ilze Vermaak, Planeet Pierewiet, e ne e le tse pedi tsa tse tharo tse di fitlhileng kwa makgaolakgannyeng mo karolong e nngwe ya motswedi wa dikgang. Letsholo la ga Suzan van Wyk le Gert Schoeman la Sus en Daan la Oppikoppi e ne e le lengwe la a mabedi a a fitlhileng kwa makgaolakgannyeng mo karolong ya setlhopha se se kopantswng sa letsholo la motswedi wa dikgang.
Go atlega ga NWU go ne ga okediwa ke go atlega ga baithuti ba maloba. Baithuti ba maloba ba babedi ba ba ithutetseng go torowa le go tsenya ditshwantsho ka khomphiutara, e leng Antoinette Fourie le Renier Zandberg, ba ne, mongwe le mongwe wa bone, a ikgapela Dijana di le tharo tsa gauta. Gape, Fourie o ile a amogela awate ya Sejana sa totlo sa 2008.
Mongwe wa baatlhodi, e leng Coenie de Villiers, o ne a tlhalosa gore dilo tse di tlhamilweng ka tsela e e nang le bokgoni di ne di kgothatsa. "Baithuti ba ile ba supa bokgoni jo ba nang le jone fa ba ne ba gaisana le batlhami ba ba nang le maitemogelo a a seng kana ka sepe mo go tsa papatso."
Rre Ian Marley, motlhatlheledi wa Go Torowa le go Tsenya Ditshwantsho ka Khomphiutara, Boporofesa Paul Schutte wa Sekolo sa Dithuto Tsa Tlhaeletsano le Mariëtte Lowes, Motlatsa-mookamedi wa Sekolo, ba bogetse Dijana di le tharo tsa gauta tsa Khamphase ya NWU ya kwa Potchefstroom.
<fn>NWU-NEWS. News194.2009-12-02.tn.txt</fn>
VANDERBIJLPARK - Mmojule wa tsa kgwebo o botlhe ba patelesegang go o ithuta ga o tlamele baithuti ba ngwaga wa bobedi ba BEd mo Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa ya Yunibesiti ya Bokono-Bophirima (NWU) ka tshono ya go bontsha bokgoni jwa bone fela, mme gape o ba tlamela ka tshono ya go bona madi.
Bogwebi ke selo se mongwe le mongwe a ntseng a bua ka sone a sa kgale mathe ganong, segolobogolo fa ba akanya ka maemo a ikonomi a a sa tlhomamang a naga ya rona e iphitlhelang e le mo go one le a a fitlhelwang mo mebarakeng ya mebereko ya semphete ke go fete. Go ya ka Ngaka Lenie Holtzhausen, mmenejara wa lenaneo le motlhatlheledi kwa Sekolong sa Dithuto Tsa Saense, go tlotliwa ka go tlhokega ga dikgono tsa bogwebi le mo Seteitementeng sa Kharikhulamo ya Bosetšhaba. Seno se raya gore baithuti botlhe ba tshwanetse go thusiwa go nna le dikgono tsa go nna bagwebi.
Botsamaisi, mme go ya ka Ngaka Holtzhausen, go rutwa ga bana dithuto tseno ba sa ntse ba le bannye go gatelela thata kafa bogwebi bo leng botlhokwa ka gone. Go ya ka ditlamorago tse di rulagantsweng tsa maemo a tekolo, go tswa fela kwa Kereiting ya 4, baithuti ba rotloediwa go nna ka nako ya fa go butswe mmaraka o mogolo wa kgwebo le go dirisa kitso e ba nang le yone ka tsa kgwebo. Fa baithuti ba ntse ba fetela kwa dikereiting tse dingwe, ba rutwa dikgono tse dingwe gape tsa kgwebo tse di akaretsang go dira dipapatso, thulaganyo ya ditogamaano le dithulaganyo tsa kgwebo.
Baithuti ba bona tshono ya go supa dikgono tsa bone beke le beke mme bokgoni jwa bone jwa go tlhama ga bo fele. Badiri le baithuti ba ngokiwa ka dijo tse di monate tse di jaaka di-candy floss, papa le pesonama, setšhuu se se tsentsweng mo teng ga senkgwe se se ntshitsweng mateng le di-pancake, tiro ya botsweretshi le ya diatla le tsone di ile tsa ngoka bontsi jwa batho.
Ngaka Holtzhausen o ile a tlhalosa gore "go botlhokwa go ema nokeng ditlamorago tsa go ithuta ka maitemogelo a a mosola" a bo a oketsa ka gore jaaka barutabana ba ka moso, baithuti bano ba rutwa go tshela jaaka bagwebi.
<fn>NWU-NEWS. News195.2009-12-02.tn.txt</fn>
MAFIKENG - Khamphase ya Mafikeng ya Yunbesiti ya Bokone-Bophirima (NWU) e ne bosheng jaana ya tshwara moletlo o o atlegileng wa dijo tsa maitseboa go tlotla baithuti ba yone ba maloba mo Porofenseng ya Gauteng. Palo ya maloko a le 240 a ne a nna teng kwa moletlong ono o mo go one ba neng ba gorosiwa ka go tsamaya mo khapeteng e khibibu o o neng o tshwaretswe kwa Gallagher Estate kwa Johannesburg.
Fa moletlo o ntse o tsweletse, Ngaka Theuns Eloff, Motlatsa-Mokanseleri wa NWU le Porofesa Dan Kgwadi, Mookamedi wa Khamphase ya Mafikeng, ba ne ba ema baithuti ba maloba ka lefoko, ba tlhalosa palo ya baithuti botlhe ba ba leng teng mo setheong le kafa go kopanngwa ga ditheo go atlegileng ka gone.
Mohumagatsana Susan Van Rooyen, Morulaganyi wa go Kopanngwa Mmogo ga Baithuti ba Maloba, o ne a re diphitlhelelo tsa baithuti ba maloba ba NWU ke sesupo sa boleng jwa thuto ya maemo a a kwa godimo ya Khamphase ya Mafikeng, le gore NWU e ipelafatsa ka bone. Mohumagatsana van Rooyen o ile a bua ka go tlhagafala le go itumela ga baithuti ba nako e e fetileng, le go ba lebogela go bo ba ne ba le teng le go dira gore maitseboa ao e nne a a se Kitlang a lebalwa. O ne a tlhalosa jaana: "Re batla gore baithuti ba maloba ba nne le kamano ya leruri le NWU, mme tiragalo eno ke tshimologo fela ya go aga kamano eo e e tlileng go nnela ruri - seno ke tshimologo fela!"
Mohumagatsana van Rooyen o ne a re, "Ka mokgwa o tiragalo eno e atlegileng ka one, ruri re tlile go e boeletsa gape." Eno ke tshimologo ya loeto-papatso lo lo se kitlang lo kgaotsa mo nageng yotlhe lwa go tlhoma ditšhapotara tse di tla emelang baithuti ba ba atlegileng le ba ba ikanyegang ba ba alogileng kwa Khamphaseng ya Mafikeng. O ne a oketsa a re, "jaanong go tlile go latela baithuti ba maloba ba Mafikeng, mma ka bonako morago ga bone go tla latela ba Venda le Botswana." Mongwe wa mekgele-megolo ya loeto-papatso ke go dira bobolokela-tshedimosetso jo bo leele le jo bo nnang bo ntse bo tlhabololwa nako le nako jwa baithuti botlhe ba maloba ba mo Khamphaseng ya Mafikeng le go ba naya dikgang le tshedimosetso e e maleba.
Morago ga gore Katlego Lekwakwe a ikgolaganye le baithuti-ka-ene ba maloba ba le 150 a sa thusiwa ke ope, o ne a amogela moputso wa go ikentsha le molekane go ya kwa Zebra Country Lodge. Moputso ono o ne o abilwe ke Thabiso Magodielo le mosadi wa gagwe ba Thabeo of Legend Lodges. Gape, Katlego ke moemedi wa semmuso wa baithaopi wa karolo ya Gauteng.
Bangwe ba baithuti ba maloba ba ba neng ba le gone ba ne ba akaretsa Moatlhodi Yvonne Mokgoro le Ngaka Happy Sithole.
Go tswa kafa molemeng ke Bahumagatsana Izette Schouwstra, Mookamedi wa Setheo wa go Tshwarwa ga Kokoano eno le Susan van Rooyen, Morulaganyi wa Go Kokoana Mmogo ga Baithuti ba Maloba ba Khamphase ya Mafikeng.
Go tswa kafa molemeng ke Moatlhodi Yvonne Mokgoro, mosadi wa ntlha go tlhomiwa kwa Kgotlatshekelong ya Molaotheo ya Aforika Borwa, Ngaka Theuns Eloff, Motlatsa-Mokanseleri wa NWU, le Rre Lester Mpolokeng, Mokaedi wa Nama-o-sa-Tshwere: Dipapatso le Ditlhaeletsano mo Khamphaseng ya Mafikeng.
<fn>NWU-NEWS. News196.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Moithuti wa popo ya kerafo wa Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) o fentse kabelo ya Loerie ya gauta mme diporojeke tse tharo tse dingwe di ile tsa amogela dikabelo tse di boronse.
Magdel Smith o fentse kabelo ya Loerie ya gauta ka go ikwadisa ka popo ya gagwe ya kgatiso e e biditsweng Who Cares.
Porojeke e nngwe e e fentseng kabelo ya boronse ke ya popo ya kgatiso le yone mme ke e e biditsweng The Art of Being. Mo karolong ya media e e tlhakantshweng go ne ga abelwa diporojeke tse pedi mme tsone ke Oppikoppi - Sus en Daan, le Oppikoppi - No Strings Attached.
Di-Loerie ke dikabelo tsa ngwaga le ngwaga ka mo Aferika Borwa go tlotla boitseanape jwa popo ya kerafo le go agela godimo ditikologo tsa go maketa le papatso le go mo karolong ya popo ya kerafo le media ya digitale.
Baithuti ba serutwa se sa popo ya kerafo le ngwaga e e fetileng ba ne ba fentse dikabelo tse tharo mme e ne e le e le nngwe ya selifara le tse pedi tsa boronse.
Modulasetulo wa dikabelo tsa Loerie, McCann Erickson, o rile gore boleng jwa di-Loerie jo bo kwa godimo go tlhomamisa gore bafenyi ba dikabelo ba kgone go gaisana le mo dikgaisanong tsa boditšhabatšhaba.
Fa re bona bafenyi ba ngwaga e ba di-Loerie le motlhatlheledi wa bone, mor Wessie van der Westhuizen. Fa go ene re bona Gert Schoeman (boronse), Suzan van Wyk (boronse), Yvonne Lombard (boronse), Magdel Smith (gauta) le Carla Erasmus (boronse).
Magdel Smith ka Loerie ya gagwe ya gauta le motlhatlheledi wa gagwe, mor Wessie van der Westhuizen.
<fn>NWU-NEWS. News197.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Tlotlo ya lefatshe ka bophara e bonwe ke moithuti wa YBB wa morago ga dikerii ya PhD wa mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ka go amogela basari ya patlisiso go tswa go NASA (National Aeronautics and Space Administration) go tswa kwa USA.
Ngk Christo Venter wa serutwa sa Fisika ke a le mongwe wa baithuti ba ba 60 ba basaense ba ba amogetseng dibasari ka mo dirutweng tse di farologaneng. O amogetse le basari ya patlisiso ya tlotlo ya Fermi GLAST. GLAST ke thelesekopo sa Lerang la Gamma le le bophara ya lefaufau le le ileng la fofisiwa mo tshimologong ya ngwaga.
Porokerama ya NASA ya morago ga dikerii ya PhD le fana ka tshono e e tlotliwang ya go ka fa babatlisisi ba ba ditalente tse dintsi go ka dirisana ka mo diporokerameng tsa patlisiso tsa kwa NASA gore ba baakanyetswe bokamoso. Basari ya dilemo di le tharo le bopilwe gore le thuse NASA ka bosaense jwa lefaufau, bioloji ya dinaledi, thuto ya go fofa, ditiro tsa go ya lefaufaung le go batlisisa koo.
Ngk Venter o amogetse dikerii ya gagwe ya PhD ka Lwetse 2008 ka mo YBB. Go ya ka motlhatlhobi wa kwa ntle wa gagwe, nkg Alice Harding wa Senteramo ya Goddard ya go fofela Lefaufaung kwa NASA, Venter o butse tsela ya kitso mme o bopile motlele ya go bontsha dinaledi tsa neoterone gore di bonwe sa ntlha ka mokgwa wa go bana dikarolo di le tharo.
Go ya ka moporomotara wa PhD ya gagwe, Moporof Okkie de Jager (le ene ke mmatlisisi yo mogolo wa fisika ya lefaufau), ba ne ba le kwa khonferense kwa Polane e rile ba amogela molaetsa wa kabelo ya basari. Babatlisisi le Basaense ba bagolo ba ba neng ba tsene khonferense ba ne ba botsa gore ke jang fa mongwe wa Aferika a ka kgona go bona maemo a a kwa godimo a. "Ba ne ba botsa gore Potchefstroom ke kae ka gore le YBB ga e teng ka mo diskerining tsa radara tsa lefatshe. Ke makatswa fela gore ke leng pele ga jaanong gore moithuti wa YBB a amogele kabelo e e kwa godimo jalo mme e le kabelo e e galelwang ke baeteledipele ba babatlisisi le basaense ba diyunibesiti tse dikgolo tsa Amerika," ga kwala Moporof De Jager go tswa kwa Polane.
Ngk Venter o feditse materiki ka mo Potchefstroom Gimnasium mme a feta ka didesetinšene di le robedi le ka maduo a a kwa godimo go feta ka mo porofenseng ya Bokone-Bophirimag. O fetile le BSc le MSc ka mo YBB ka didesetinšene mme ka a le motlhatlheledi wa Sekolo sa Fisika o setse a ile kwa dikhonferenseng tse dintsi tsa kwa moseja. Ene ke mokwadimmogo wa dikgatiso le diathikele di le 56 tsa boditšhabatšhaba mme di le 46 go tswa mo go tsone e leng tsa tirisanommogo ya gagwe ka mo setlhopheng sa boditšhabatšhabeng sa HESSHigh Energy Stereoscopic System. Setlhopha se se ne sa amogela kabelo ya Saense ya Descartes go tswa go Yuniebe ya Yoropa.
Ngk Christo Venter yo a tlogang a fofela kwa NASA.
<fn>NWU-NEWS. News198.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - ROF(Rapport Onderwysfonds/Letlole la Thuto la Rapport) gone maloba le abetse dibasari tsa thuto tsa madi a kana ka dimeleone di le R1,7 go baithuti ba ba 72 ba mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) gore ba tswelele ka dithuto ka 2009.
ROF e abetse R468 000 ka 2008 go baithuti ba Khamphase ya Potchefstroom mme go fitlhela jaanong jaana baithuti ba khamphase e ba setse ba amogetse dibasari tsa thuto tsa madi a kana ka R1,6.
Go ya ka mor Kobus Rossouw, molaodi ba ROF, maikaelelo a letlole ke go thusa baithuti ba leleme la Seaferikanse go ka bona dibasari le dikadimo tsa thuto mme balaodi ba khansele ya ROF ba lebeletse thata baithuti ba borutabana mo ba abetseng 75% ya madi a a neng a le teng. Palo e e salang e abelwa baithuti ba Fakalthi ya Bosaense jwa Ekonomi le Taolo.
O gateletse gape gore bontsi jwa baithuti ba ba thusiwang ke ba ba neng ba na le didisetinšhene di le 7 kapa 8 ka materiki mme ba sa kgona go bona dibasari gope. Baamogedi ba dibasari tsa ROF ba dula ba na le palogare ya maduo magareng a 70 le 74%.
Moporof Annette Combrink, Moreketoro wa Khamphase, o rile gore go botlhokwa thata gore go katisiwe barutabana ba ba siameng thata le gore dithuto tsa tešiari di a tura mme kabelo e nngwe le e nngwe e amogelwa ka diatla tse pedi. "Re lebogela thata gore letlole le thusa baithuti ba bantsi jaana go ka tsena yunibesiti. Go monate gape go itse gore baithuti ba barutabana ba Seaferikanse ba thusiwa mme ba a tlhabololwa mme puo ya bone e agelwa pele go nna puo ya saense le ya thuto," a tswelela go tlaleletsa.
"Ke toro ya rona go oketsa palo ya R12 000 e baithuti ba e amogelang jaanong jaana ka ngwaga. Maikaelelo a bofelo a rona ke gore ROF e kgone go thusa baithuti ba ba 250 ka basari e e bophara e e tsentsweng madi a dithuto, dibuka, madulo le dijo," ga re mor Rossouw.
Mor Danie Hefer, Tlhogo: Tirelo ya Kemonokeng ya Ditšhelete, moporof Annette Combrink, Moreketoro wa Khamphase ya Potchefstroom, mor Kobus Rossouw, Molaodi wa ROF, le mor Pieter van der Walt, tlhogo ya pele ya Tirelo ya Kemonokeng ya Ditšhelete, ka nako ya moletlo wa go amogedisa dikabelo tsa dibasari.
Bawelane ba bararo ba mo Khamphaseng ya Potchefstroom ba ba boneng mosola go tswa mo Letloleng la Thuto la Rapport. Bana ba bararo ba ba lelapa la ga Opperman, ba e leng Lerine, Nadia le Adéle, ke baithuti ba ngwaga ya bobedi ya borutabana. Fa go bone go na le moporof Annette Combrink, Moreketoro wa Khamphase ya Potchefstroom.
<fn>NWU-NEWS. News199.2009-12-02.tn.txt</fn>
Motlhatlheledi ka tsa bidio ya tshedimosetso kwa Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU) o ne a tlhophiwa gore a nne moatlhodi wa difilimi mo moletlong o mogolo le o o botlhokwa go e feta yotlhe wa difilimi tsa tlhago le hisitori tsa Aforika Borwa.
Porofesa Attie Gerber wa sekolo sa Dithuti Tsa Tlhaeletsano o tla bo a atlhola difilimi tsa tshedimosetso tse di tsenetsweng tsa moletlo wa ngwaga le ngwaga kwa Durban wa Wild Talk Film, a na le setlhopha sa batho ba ba tlhophilweng ba dinaga di sele mmogo le bomankge le baeteledipele mo intasetering eno.
Ntlhakgolo ya moletlo ono wa difilimi ke diawate tsa Roscar mme Porofesa Gerber ke moatlhodi wa tsa setlhopha sa bojanala mo dilong tsa tlhago.
Moletlo ono wa difilimi, o o tla tshwarwang ka di 19 go ya go di 23 tsa Moranang 2009, o ngoka badiri ba difilimi ngwaga le ngwaga go tswa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Gape moletlo ono o bula tshono ya gore bakaedi ba difilimi ba naga ya rona mmogo le bakwadi ba tsone ba kopane le badiri-ka-bone ba dinaga di sele, badira ditshwetsole bareki. Bakaedi-khuduthamaga ba ditšhanele tse di jaaka tsa National Geographic, Discovery Channel le Animal Planet ba tla mo moletlong ono wa difilimi go tla go di reka.
Leina la mongwe wa baithuti ba gagwe e leng Liesl-Dana van Schalkwyk, le ne la tsenngwa mo maineng a ba go tlileng go tlhophiwa mo go bone ba setlhopha sengwe sa difilimi ka tekanyetsokabo e e lekanyeditsweng ya filimi ya gagwe ya dikirii ya gagwe ya masetase. Voices of the Drylands e ntse e bontshiwa mo dinageng tse di farologaneng tse di kwa moseja.
Porofesa Gerber, e leng motlhami-mmogo wa lenaneo la 50/50, o nnile le ngwaga o mo go one a ntshitseng bokgoni jwa gagwe jwa go tlhama difilimi go gaisa tse dingwe tsotlhe. Ka January wa ngwaga ono, Natural History Magazine kwa New York e ne ya gatisa ditshwantsho dingwe tsa gagwe tsa ditshwene, e bile go kgabisitswe bontle tota ka ditshwantsho tsa gagwe tsa Vredefort Dome mo diphaneleng tsa dipota tsa Boemela-fofane Jwa Boditšhabatšhaba jwa OR Tambo.
Ga jaanong jaana, Porofesa Gerber o tshwaragane le go feleletsa khalendara ya gagwe e ntle ya boraro e e nang le Dome, e e tla simololang go abiwa mo masimologong a December. Dikhalendara tseno tse di batliwang ke batho ka bontsi di dirwa ka fa tlase ga bolaodi jwa Lefapha la Temothuo, Tshomarelo ya Tlhago le Tikologo la Porofense ya Bokone-Bophirima.
Ga jaanong jaana Porofesa Gerber o tshwaragane le go dira difilimi di le tharo tsa tshedimosetso tse a rulaganyetsang go di tsenya mo meletlong ya difilimi ya boditšhabatšhaba. Filimi e a e dirang ya kgang kaga botshelo jwa badira ba setso kwa Kalahari, Namaqualand le Richtersveld e tla wediwa mo ngwageng o o tlang.
Gone jaanong jaana o tshwaragane le go feleletsa mokwalo kaga botshelo jwa ga Rita Miljo, monkge yo o itsegeng mo lefatsheng lotlhe ka tsa ditshwene kwa wa kwa Phalaborwa.
Filimi ya boraro ya tshedimosetso ya ga Gerber e bua ka motho yo o falotseng mo dikampeng tsa pogisetso tsa Boer War.
Tshwene e leba tiro ya ga Porofesa Gerber e e atametse thata ka nako ya fa a ne a dira filimi ka mefuta ya tsone.
Phanele ya lebota le le nang le ditshwantsho tsa ga Porofesa Gerber kwa Boemafofaneng jwa Boditšhabatšhaba jwa OR Tambo.
Chert-breksies, e leng setshwantsho se sengwe gape mo Khalendarang ya Dome ya 2009 ya ga Porofesa Gerber.
Sengwe sa ditshwantsho tsa tshwene e e neng ya tshwantshiwa ke Porofesa Gerber se se neng sa dirisiwa ke Natural History Magazine kwa New York.
<fn>NWU-NEWS. News20.2009-12-02.tn.txt</fn>
"Re kgonne go feta re fofa heke ya ntlha. Re dirile sentle - re dirile ka tsiamo." Mafoko a a ne a le a ga Ngaka Theuns Eloff, Motlatsa Khansele wa Unibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU) fela pele ga nako ya go tlhomela semmuso ga yunibesiti e e ntshwa. Ka kopano y maphatsi-phatsi e e tla tshwarelwang kwa Potchefstroom Banquet Halls ka 14 Moranang go tlabo go tswelelwa go bopa histori gape ka go tlhomela semmuso Ngako Popo Molefe, Premiri ya pele ya Porofense ya Bokone Bophirima go nna Mokhansele wa ntlha wa setheo le Ngaka Theuns Eloff go nna Motlatsa Khansele wa ntlha wa setheo.
Se sengwe sa ntlha ke go opela ga pina e e ntshwa ya yunibesiti e e tla opelwang ke dikwaere tsa dikhampase tse di farologaneng. Histori e tla diriwa gape fa Eloff a bolelela tse di kgonagetseng mo ngwageng ya ntlha ya yunibesiti e e ntshwa ya NWU le gore maikaelelo a bokamoso ke eng. Palogare ya Batlatsa Khansele ba le lesome nngwe ba diyunibesiti tse dingwe ba ka tla go ya kopano ya go tlhomela mme gape le Moh. Edna Molewa, Premiri wa Bokone Bophirima o tla tla go fa moeteledipele wag gagwe seatla gammogo le Eloff ka molaetsa o o rileng.
Molefe, yo o tla nnang sefatlhego sa yunibesiti, jaanong jaana ke CEO wa Lereko Investments, Modulatsetulo wa Petro SA, tokololo ya khansele ya lethlhole la mo gare la maatla le letlole la mosolatogamaano la lookwane mme gape o mo khanseleng ya Xantium Technology Holdings Ltd le Anoorag Resources Corporation. Molefe ke tokololo ya Komiti ya phetiso ya Setshaba ya ANC mme gape ke modulasetulo wa komiti-tlase ya Mmuso le Dilejiselatara.
Statutu e e ntshwa e setse e le mo tafoleng ya ga Moh. Naledi Pandor, Tona ya Thuto gore a e amogele mme tiragatso ya ponelopele le ya misene ya setheo e setse e le gaufi le go fetswa. Di ne di buisanwa ka Laboraro o o fetileng kwa kopanong ya Senete mme e tla isiwa kwa Khanseleng ka 15 Moranang.
<fn>NWU-NEWS. News200.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Mmatlisisi wa kwa Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU) ke mofenye wa awate ya Third World Academy of Science (TWAS) ya babatlisisi ba ba botlana ba 2008.
Porofesa Stefan Ferreira o ne a newa tlotla eno kwa sekolong sa saense ya tlholego le ya dikhemikale.
O ne a kgatlha fela thata babatlisisi bangwe ba maemo a a kwa godimo ba Ba-Aforika Borwa ka patlisiso ya gagwe, rekoto ya gagwe e ntle ya go katisa baithuti ba morago ga boalogane, le kafa go nang le kgonagalo ka gone ya gore patlisiso ya gagwe e solegele baagi ba naga ya rona molemo ka gone le ka go nna le seabe ga gagwe mo go ruteng batho mo setšhabeng ka saense.
Boikaelelobogolo jwa TWAS ke go akgola le go ema nokeng biaitsesaense kwa dinageng tse di tlhabologang ba ba nnang le seabe ka tsela e e tlhomologileng mo go direng gore saense e gatele pele. Go nna le seabe ga bone go amana le palo ya ditlhogo tsa patlisiso tsa moitsesaense le kafa di ileng tsa amogelwa ka gone mo dikgatisong tse di itsegeng tsa boditšhabatšhaba. TWAS e laolwa ke Academy of Science of South Africa (ASSAF).
Porofesa Ferreira o simolotse patlisiso ya gagwe ka mmotlolo wa dipalo wa motsamao wa diphatikile tse di tletseng (marang a cosmic) mo teng ga letsatsi, o o bidiwang heliosphere. Patlisiso eno e akaretsa go laola eneji e e kwa tlase ya diileketerone tsa Jupitha, diphelelo tsa tiro ya modikologo wa letsatsi fa le ntsha marang a cosmic mmogo le go akofa ga diphatikile tse di tsamaisang mogote tse di rweleng ke phefo.
Mo digwageng tse di fetileng, o ne a ntse a tshwaregile ka go dira porojeke e ntšha ya mmotlolo wa maatla a diedi tsa heliosphere, di-astrophere tse dingwe, mmogo le di-shock wave tse di tsamayang fa gare ga dinaledi morago ga go thunya ga naledi (supernova). Mo godimo ga moo, o dirisana mmogo ka metlha le ditlhopha tsa patlisiso tse di kwa moseja tse di tsayang karolo mo patlisisong ya ga Ulysses ya European Space Agency (ESA), le ka Loeto 1 le 2 a a dirilweng ke American Space Agency (NASA).
Jaaka moitsesaense yo mmotlana, Porofesa Ferreira o ne a amogela awate go tswa go (International Union for Pure and Applied Physics (IUPAP) ka 2007 le mme ka 2006 o ne a amogela awate ya Boporesidente ya National Research Foundation (NRF) ya babatlisisi ba ba botlana ba ba lejwang jaaka ba ba tlileng go nna baeteledipele mo tirong ya bone ya bobatlisisi.
Ka 1993 o ne a le moithuti wa ngwaga wa ntlha wa Yunibesiti ya pele ya Potchefstroom wa Thuto e e Kwa Godimo ((PU ya CHE) mme morago ga dikirii ya gagwe ya BSc, o ne a iponela gerata ya masetase le ya bongaka. Ka 2000, o ne a tlhomiwa go nna motlhatlheled wa Physics, morago ga dingwaga tse pedi a tlhomiwa go nna motlhatlheledi-mogolo le mongwe wa baporofesa mo serutweng sa gagwe mo ngwageng o o fetileng. Gape, o ile a dira patlisiso dikgwedi di le thataro kwa Jeremane kwa Ruhr Universität, Bochum, ka 2002.
Prof Stefan Ferreira go tswa kwa Sekolong sa Physics kwa Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU).
<fn>NWU-NEWS. News201.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Setlhopha sa Baopedi sa Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesithi ya Bokone-Bophirima (NWU) se ne bošeng jaana sa itsisiwe jaaka se se gapileng maemo a bobedi mo kgaisanong ya bommampodi ba kgaolo mo kgaisanong ya bosetšhaba ya setlhopha sa baopedi ba Old Mutual.
Setlhopha sa baopedi se tsweledisetsa pele diphitlhelelo tse setlhopha seno sa setso sa mmino se nnileng le tsone fa e sa le se ne se tlhongwa ka 1994. Setlhopha seno sa baopedi se ile sa tuma ka ntlha ya tsela ya sone ya go opela mmino wa setso wa Aforika le wa Aforika Borwa.
Setlhopha sa Mmino sa Puk se ile sa gaisana le ditlhopha tse dingwe di le 17.
Lo dirile sentle!mmenejara wa setlhopoha sa mmino fano o ipelafatsa le Rre Horst Bütow, Tlhogo ya Lefapha la Setso, ka sejana se ba se ikgapetseng. Go tswa kafa molemeng key Bonny Masilo (mothusa-modulasetulo), Ayanda Matlakala (mmenejara wa matlotlo), Yvonne Myeki (motshwara-matlotlo), Tebogo Morudu (motlhankedi wa tsa dipuisano), Katlego Mogale (mokwaledi) le Comfort Leshomo (modulasetulo).
<fn>NWU-NEWS. News202.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Baithuti ba ba 6 ba ngwaga ya boraro ba Boenjineri jwa Motlakase le Eleketeroniki, Dikhomputara le Bometšhini ba bontshitse gape gore bokgoni bo teng ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) mo Fakalthing ya Boenjineri ka ba tlhophilwe go nna bafenyi mo kgaisanong ya Siemens Cyber Junkyard e e leng kgaisano ya go bopa metšhini ya intaseteri.
Popo e e neng e kwadisitswe ke baithuti ke matšhini e e dirang kofi ya boleng jwa intaseteri mme ba fenya diyunibesiti di le 9 tse di neng tsa ikwadisa. Mo tshimologong ya ngwaga ba ile ba tlhophiwa go nna e le nngwe ya ditlhopha tse di lesome go ya kwa bofelong jwa kgaisano e tshwariwang gore ditheo tsotlhe tsa thuto-godimo tsa mo Aforika Borwa tse di nang le difakalthi tsa Boenjineri di ikwadise. Ditlhopha tse di neng tsa ikwadisa di ne tsa tswa kgakala jaaka jwa Zambië.
Bafenyi ba ile ba bidiwa maina kwa kopanong ya maphatsi-phatsi kwa Gauteng mo go neng go na le baitseanape ba ba 400 ba mo intaseteri. Go tloga ka 2006 ke gabedi bafenyi ba kgaisano e le ba mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya YBB. Kwadiso ya pele e e neng ya fenya ke e e neng e bopa ditshwaradinotlolo mme ya di kopantsha.
Go ya ka Moporof Jan de Kock, Mokaedi wa Sekolo sa Boenjineri jwa Motlakase le Eleketeroniki le Dikhomputara, baithuti ba ne ba tshwanetse go fana ka puo gore ba atlholwe mme morago ba bope motšhini o wa kofi. Dikaelo tse di neng tsa beiwa ke gore motšhini kapa roboto e ne e tshwanetse go kopiwa kofi ka remoutu mme o dire kofi mme o e tlisetse modirelwa kwa kgakalanyana le roboto.
Le fa didiriso dingwe di ne tsa ntshiwa, baithuti ba ne ba tshwanetse go bopa dithulaganyo le go kwala diporokerama tsa khomputara. Lefapha la mo Khamphaseng la Popo ya Didiriso ba ne ba bopa dikarolo tse dingwe tsa roboto.
Setlhopha sa mo YBB sa bafenyi se ne se direla ka mo tlase ga boeteledipele jwa ga Mor Piet van Huyssteen, motlhatlheledi wa Boenjineri jwa Dikhomputara. Ditokololo tsa setlhopha di ne di le Adelle Bouwer, Tanya Steyn, Abrie Nieuwoudt, Pieter Goosen, Wichert Huyser le Frikkie van Zyl, mme ke bone ba ba neng ba amogela didiriso tsa boenjineri tsa madi a kana ka R50 000 a go tla mo YBB. Mongwe le mongwe wa bone o amogetse leptopo mme ka Seetebosigo ba tla tsena khonferense kwa Sun City mahala ka gore le se ke karolo ya kabelo ya bone. Setlhopha gape se tlile go fiwa katiso e e tseneletseng kwa Siemens malatsi a a 21. Siemens e ne e le khampani e e neng e emetse ditshenyegelo gagolo.
Bafenyi ba Kgaisano ya Cyber Junkyard go tswa mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya YBB ka roboto ya bone e e dirileng gore ba fenye ka e kgona go go tlisetsa dino tse di mogote. Kwa morago go na le mor Abrie Nieuwoudt le bomme Tanya Steyn le Adelle Bouwer. Mo pele go na le mor Piet van Huyssteen, motlhatlheledi wa Boenjineri jwa Khomputara, Mor Pieter Goosen, Mor Wichert Huyser le Frikkie van Zyl.
<fn>NWU-NEWS. News203.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - CtexT(Centre for Text Technology (CTexT™)) ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela maloba ba fetsa go fa Lefapha la Atshe le Setso (DAC- Department of Arts and Culture) diporokerama tsa go atlhola mopeleto di le lesome gore ba di atlhole.
CTexT le NLS(National Language Service) ya Lefapha, ba ile ba tsenela kutlwano ka mafelo a 2006. Maikaelelo a porojeke a ne a le go bopa diporokerama tse tsa go atlhola mopeleto gore di dire thata ka mo tikologong ya mmuso. Diporokerama tsa go atlhola mopeleto di na le dikarolo tsa diporokerama tse di kgolo tsa go atlhola mopeleto tse di leng teng mo mmarakeng tsa Seaferikanse, isiXhosa, isiZulu, Sepedi le Setswana, mme gape go na le diporokerama tsa go atlhola mopeleto tsa kgala ya ntlha tsa Sesotho, Tshivenda le Xitsonga mme le tsa kgala ya bobedi tsa isiNdebele le Siswati.
Ka letsatsi la go isetsa lefapha diporokerama, CTexT e ne e etetse NLS mme ga tshwariwa wekšhopo e e neng ya tshwariwa ke setlhopha sa baatlhodibagolo ba bone. Ka nako ya wekšhopo, Suléne Pilon wa komiti ya taolo ya CtexT o ile a tlhalosa mokgwa wa go dira wa diporokerama tsa go atlhola mopeleto ka gale mme a kaela gape gore di ka bonwa gore di ka kgona eng. O gateletse gore diporokerama tsa mopeleto ga di itse bokao jwa dipolelo mme di atlhola fela mopeleto wa mafoko mme ke ka lebaka le gore di se tshepiwe go baakanya le dipolelo le bokao jo bo siameng jwa mafoko. Ba tshepisitse DAC gore data e e dirisitsweng go bopa diporokerama e atlhotswe ke baitseanape ba dipuo mme bokgoni jwa diporokerama bo tsamaisana le se se amogelwang ke boleng jwa boditšhabatšhaba. Boleng jo bo raya gore diporokerama di tshwanetse go lebelela mafoko le go a atlhola le go kaya gore mopeleto o siame sentle le gore fa go na le mopeleto o o sa siamang di kgone go bontsha seo ka bokgoni jwa 90%.
"Porojeke ya diporokerama tsa go atlhola mopeleto e e neng e filwe CTexT ya YBB ke e nngwe ya ditirelo tse di kgolo tsa DAC ka mo tikologong ya Thekenoloji ya Dipuo tsa Batho. Maikaelelo ke gore go tokofatswe boleng le go tshwana ga diphetolo tsa ditokomane ka mo dipuong tsa semmuso mme ka go dira jalo go abelwe mo tlhomelong ya Thulaganyo ya Maikemisetso a Dipuo tsa Setšhaba," ga re Ngk Mbulelo Jokweni, Mokaedimogolo wa Tirelo ya Dipuo tsa Setšhaba.
Bafetoledi ba mmuso ba tla atlhola diporokerama tsa katlholo ya mopeleto mme ba tla boela mo go CTexT go tla ka dikakanyo. Diporokerama tsa bofelo di tla fiwa DAC ka tshimologo ya 2009.
Ka mo morago go tswa molemeng go ya mojeng go na le Mor Tshikani Mabasa, Moh Christine Marais, Ngk Mbulelo Jokweni, Mokaedimogolo wa Tirelo ya Dipuo tsa Setšhaba le moh Alice Motsei, botlhe go tswa go Tirelong ya Dipuo tsa Setšhaba. Ka mo pele go tswa molemeng go ya mojeng go na le Moh Suléne Pilon, Balaodi ba CTexT, Mor Romeo Mohare go tswa go Tirelong ya Dipuo tsa Setšhaba le Mor Martin Puttkammer, Balaodi ba CTexT.
<fn>NWU-NEWS. News204.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Palo ya rekoto ya baithuti ba ba katisitsweng ka mokgwa wa go tsenelela ba fetsa go amogela disetifikeiti tsa bone tsa tsamaiso ya diatshe go tswa mo Artéma ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB).
Ngwaga e go ne go tlhophilwe baithuti ba ba 33 go tswa mo setšhabeng ka bophara go tswa mo go ba ba 622 ba ba neng ba kopile go tla go dira khoso e e tlotliwang e ka mo Potchefstroom.
Go ya ka molaodi wa Artéma - Setheo sa Tsamaiso le Tlhabololo ya Diatshe, mor Chris de Bruyn, ngwaga e ke sa ntlha ba tsamaisitseng letsholo le mo setšhabeng sotlhe go ka bona baithuti gotlhe. Mo bofelong go itlwe ga tseiwa baithuti ba ba 33 go tswa mo diporofenseng tsa Bokone-Bophirima, Gauteng, Mpumalanga, Limpopo le Kapa ya Botlhabatsatsi.
Moithuti yo mongwe, moh Omphemetse Mokgosi, o rile gore ba bona kumo ya tiro e thata e ba a dirileng dikgwedi tse di robongwe tse di fetileng mme moithuti mongwe le mongwe o tshwanetse go bontsha lefatshe jaanong gore ba na le bokgoni bofe. "Karolo ya diatshe ka mo Aforika Borwa e re emetse, a re e bontshe gore re ka dirang," a tswelela go itlhalosa.
Tlhogo ya Lefapha la Setso ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom, mor Horst Bütow, o rile gore baithuti, mo katisong ya bone, ba ne ba tshwanetse go dira porojeke ya go rulaganya le go diragatsa metshameko e e 15 go tswa mo tshimologong go ya bokhutlong mo Aardklop 2008. Ba ne ba tsamaisiwa maeto a mabedi kwa Gauteng le kwa Tshwane kwa ba ileng ba kopantshiwa le ditheo le dithulaganyo di le pedi tsa atshe le setso go ba itsisa tseo.
Go ya ka Mor Bütow khoso e na le diteng tse di farologaneng tsa mabaka a tsamaiso le go rulaganya mo tikologong ya diatshe. "Gotlhe go diriwa go ruta baithuti ditheo tsa mo tsamaisong ya diatshe gore ba kgone go abela kitso ya bone ka mo merafeng ya bone," ga re ene gape.
Ngwaga e khoso e amogetse kabelo go tswa mo SETA ya Media, Advertising, Printing, Publishing and Packaging Seta (MAPPP-Seta) gore khoso e rutiwe ngwaga ya 4 jaanong. MAPPP Seta e abetse R35 000 go moithuti mongwe le mongwe go ka tsena khoso.
Go tswa mo molemeng go na le mor Chris de Bruyn, Molaodi wa Artéma, Mor Romeo Langeveld, motlhankedi wa tsamaiso ya Artéma, mor Fani Moropa wa kwa Witbank yo a boneng sekgele sa moithuti wa mampodi, moh Thendo Nkhumeleni wa Thohoyandou kwa Limpopo, le mor Mosiuoa Lebone, wa MAPPP-Seta.
<fn>NWU-NEWS. News205.2009-12-02.tn.txt</fn>
Akanya fela, fa go ka diragala gore ka malatsi a a 16 go tshwariwe mosadi kapa ngwana ka dikgoka. Mo Aforika Borwa kgetsi ya thulo e bulwa metsotso e e 14 e mengwe le e mengwe, morago ga metsotso e e 75 e mengwe le e mengwe mosadi kapa ngwana o tlhaselwa maswe mme diura tse pedi le tse pedi kgetsi ya tlhokomologo ya ngwana e bulwa kwa mapodising.
Dikgang tse ruri ke tse di tshwenyang mme di tshwanetse go tlhotlheletsa mongwe le mongwe go tlamela letsholo la malatsi a a 16 go se tshware basadi le bana ka dikgoka mme se se tlosiwe. Malatsi a a 16 go se Tshware Basadi le Bana ka Dikgoka ke kgwetlho mo bathong ba mo Aferika Borwa gore ba itlame mme ba ipolelele go se tswelele go dira se mo merafeng ya rona mme go fele gotlhe-gotlhe.
Letsholo le ke la boditšhabatšhaba mme le tlhometswe sa ntlha kwa Setheong sa Baeteledipele ba Basadi ba Lefatshe mme le ne le emiwa nokeng ka letlole ke Senteramo ya Baeteledipele ba Basadi ba Lefatshe ka 1991. Le fa letsholo la lefatshe le lebelela gagolo go tshwara basadi ka dikgoka, mo Aferika Borwa go tsentswe le bana ka gore se se diragalela bana thata le bone, mo setšhabeng sa rona.
Mo Aferika Borwa ke ngwaga ya bo 11 morago ga go nna mmuso wa temokerasi wa dingwaga di le 14 ya go tsena mo letsholong le la go thibela go tshwara bana le basadi ka dikgoka. Letsholo le simolola ka letsatsi la 25 la Ngwanatsele, Letsatsi la Boditšhabatšhaba la go se tshware Basadi le Bana ka Dikgoka mme le tla tswalwa ka letsatsi la 10 la Sedimonthole ka letsatsi la Boditšhabatšhaba la Ditshwanelo tsa Batho.
Letsholo le, ke karolo e le nosi mo ngwageng ya Mmuso, mo go tse dingwe tsa ngwaga, go emisa go tshwara bana le basadi ka dikgoka. Letsholo le na le maikaelelo a go thusa maikaelelo a tlhabololo a ntlha a mmuso a go baakanyetsa mongwe le mongwe botho, e bile le ka mo malapeng le mo merafeng ya kagiso.
Ngwaga le ngwaga letsholo le itsisa mme le tlhomela kitso ya lente e e tshweu e e kopelwang e e bontshang batho le ditheo tse di itlamang go tlosa se ka mo merafeng. Lente e e tshweu e bontsha gore motho yo a e kopelang o itlamela go se tshware basadi le bana ka dikgoka le go se tswale matlho le ditsebe fa se se diragala mme a bolele fa a bona se se diragala.
YBB e na le kgatlhego ya go tsaya karolo mo letsholong le le go supa gore e tlamela kgang e. Re tsaya karolo ka molaetsa o wa bidio&nbsp; (Link: http://www.nwu.ac.za/static-content/16DaysCampaign.wmv) mme re tlhotlheletsa badiri, baithuti le batsayakarolo botlhe go kopela dilente tsa bone mme ba utwise mantswe a bone.
<fn>NWU-NEWS. News206.2009-12-02.tn.txt</fn>
Arcelor Mittal Steel e file Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) kabelo ya patlisiso e e kana ka R240 000 go ba thusa go araba dikgwetlho tsa bone tsa kgotlelo.
Porojeke e ya tirisanommogo ya dirutwa tse dintsi e go ka nang le tirisanommogo ya dirutwa jaaka boenjineri le bosaense jwa tikologo e na le maikemisetso a go batla tharabololo ya kgotlelo e e tlisiwang ke go latlha leraga ga feme ya khampani e, kwa Holfontein.
Go lebagana le maikaelelo a Arcelor Mittal Steel go oketsa palo ya bašwa ba bantsho ba mo Aforika Borwa ba ba rutegileng thata ba baenjineri ba bokamoso, go ntshitswe basari ya R120 000 ka ngwaga, e e tla abelwang baithuti ba babedi ba bantsho ba ba itlhaolang gore ba dire patlisiso ya dilemo di le pedi.
Thomeletso ya khampani, e e neng e eteletswe YBB pele ke Moh Marianne Thompson, Motlhokomedi wa Diphetogo, e ne e tlile mo Yunibesiting maloba fela go tla go buisana le go tlisa ditšheke.
"Madi le matlole a mangwe a teng mme re tlhoka gore Yunibesiti e re bolelele gore go tlhokega ditlhotlheletso dife gape go oketsa palo ya bantsho ba Aforika Borwa go tswelela kwa MA le kwa PhD," ga re Moh Thompson.
Kopano magareng a Arcelor Mittal Steel le YBB e ne e na le maikaelelo a go bopa tirisano e e ka melawana magareng a ditheo tse pedi mme go lebeletswe thata Senteramo ya Saense ya khampani.
Sekao sa tirisanommogo e e setseng e le teng magareng a ditheo ke porojeke ya Yunibesiti ya Ikateleng. Arcelor Mittal Steel ke e ngwe ya baemeladitshenyegelo ba porojeke. Porojeke e e thusa barutwana ba Kereiti ya 12 gore ba oketse maduo mme ba tokofalele ditlhatlhobo tsa bone tsa materiki.
Ba ba neng ba le teng ka mo tirelong ya go fana ka kabelo e ne e le mo pele go tswa mo molemeng: mor Funani Mojono, Mokaedi wa Molaodi: Collect-A-Can, le Moporof Johan Fick, Diini: Fakalthi ya Boenjineri, Khamphase ya Potchefstroom. Kwa morago go tswa mo molemeng go na le: Moporof Mariëtte Lowes, Motlatsa-Moreketoro: Akatemi, Akademie, Khamphase ya Potchefstroom, Ngk Themba Mosia, Mokwaledi wa Setheo, YBB, moh Marion Green-Thompson, Molaodi wa Diphetogo, Arcelor Mittal Aforika Borwa, le moh Matahbo Phomane, Molaodi: Kgolagano ya Bontsi, Collect-A-Can.
<fn>NWU-NEWS. News207.2009-12-02.tn.txt</fn>
Ke sa ntlha mo hisitoring ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) gore go abelwe Mmatlisisi wa Ngwaga, Mmatlisisi wa Ngwaga yo Mmotlana le Lefelo la Patlisiso la Ngwaga ka moletlo wa Boitseanape jwa Patlisiso e e neng e tshwerwe fela maloba ka mo Potchefstroom.
Moporof Ian Rothmann wa Fakalthi ya Bosaense jwa Ekonomi le Taolo wa ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom o biditswe leina go nna Mmatlisisi wa Ngwaga ya 2007 mme Moporof Louis Kotzé wa Fakalthi ya Molao, le ene go tswa mo Khamphaseng ya Potchefstroom o biditswe leina go nna Mmatlisisi wa Ngwaga yo Mmotlana wa 2007. Lefelo la Patlisiso la 2007 ke la AUTHeR(Africa Unit for Transdisciplinary Health Research) lê Mokaedi wa lone e leng Moporof Esté Vorster. Lefelo le la patlisiso le ka mo Fakalthing ya Bosaense jwa Boitekanelo ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom.
Tlotlo gape e filwe babatlisisi ba ba 11 ba ba atlhotsweng sešwa ke NRF(National Research Foundation), mme ba ba 22 ba ne ba atlhotswe gape mme botlhe ba dumelwa mme ga amogelwa le babatlisisi ba ba tswang diyunibesiting tse dingwe ba ba 4 ba ba atlhotsweng le bone mme bone ba thapilwe kwano jaanong.
Go ya ka Moporof Amanda Lourens, Mokaedi wa Setheo: Thuso ya Patlisiso, go ka amogelwa katlholo ya NRF ke bokgoni jo bo tlotliwang ka gore ke babatlisisi ba ba 10% fela ba mo diyunibesiting tsa Aforika Borwa ba ba atlholwang ka katlego.
Thulaganyo e e ntšhwa ya dikabelo tsa patlisiso ka mo YBB e lebelela ditiro tsa go itlhaola ka patlisiso ka mo ngwageng e e rileng mme dikabelo tsa ngwaga e di dirilwe ka go lebelela kumo ya patlisiso ya 2007.
Bafenyi ba dimetlele tsa S2A3 le ABSA tsa baithuti ba MA ba bafenyi ka mo tikologong ya Saense, Boenjineri le Thekenoloji le ka mo Bosaenseng jwa Boago le Botho, le bone ba ile ba abelwa le bone ka mo moletlong o wa dijo tsa maitseboa. Mor Petrus Jansen van Vuren wa Fakalthi ya Bosaense jwa Tlholego o fentse metlele ya S2A3 mme Moporof Nico van der Merwe wa Fakalthi ya Bosaense jwa Ekonomi le Taolo o fentse metlele ya ABSA. Ka bobedi ba tswa mo Khamphaseng ya Potchefstroom.
Go ka bona tshedimosetso ka ga thulaganyo ya go abela patlisiso o ka ikopantsha le Moporof Amanda Lourens kwa Amanda. Lourens@nwu.ac.za (Link: mailto: Amanda. Lourens@nwu.ac.za) kapa (018) 299 4848.
Ba ba neng ba le teng ka mo Moletlong wa Dikabelo tsa Boitseanape jwa Patlisiso, go tswa mo molemeng e ne e le Moporof Mariëtte Lowes, Motlatsa-Moreketoro: Akatemi, Khamphase ya Potchefstroom, Moporof Amanda Lourens, Mokaedi wa Setheo: Thuso ya Patlisiso, Moporof Annette Combrink, Moreketoro: Khamphase ya Potchefstroom, Moporof Ian Rothmann, Mmatlisisi wa Ngwaga, Moporof Esté Vorster, Mokaedi wa AUTHeR, Lefelo la Patlisiso la Ngwaga, le Ngk Theuns Eloff, Motlatsa-Mokhanseliri wa YBB.
<fn>NWU-NEWS. News208.2009-12-02.tn.txt</fn>
Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) e maatlafaditsi kemo ya yone ya ditiro tsa yone tsa tiriso ya dipuodintsi maloba gape mo godimo ga go toloka ka nako e le nngwe ka mo diphaposing tsa borutelo. Ba dirile se ka go gatisa buka e e bidiwang - Multilingualism and Educational Interpreting: Innovation and Delivery - e e tlogang e bonwa ka mo mabenkeleng a dibuka.
Moporof Marlene Verhoef, yo a kgweetsang porojeke e ya go toloka ka nako e le nngwe ka mo diholong tsa marutelo, ke ene motseleganyi-mmogo wa buka e, e e leng ya bosupa ka mo go tse di latelanang ka setlhogo sa Studies in Language Policy in South Africa.
Ka nako ya go golola kgatiso e ka mo Potchefstroom kgatiso e e tlotlilwe ke Moporof Theodorus du Plessis, motseleganyi-mmogo le moitsedipuo wa kwa Yunibesiting ya Foreisitata mme a re gape gore se ruri ke go bula ditsela.
"Se lo se dirileng fa se diragetse ka mo maemong a a sa lekanweng ke sepe mo Aforika Borwa mme le mo mafelong a mangwe a lefatshe. Mokgwa o YBB e tsamaisitseng mofuta o wa porojeke ruri ke wa ntlha ka mo borweng jwa lefatshe," ga re Moporof Du Plessis.
Mo go tse dingwe, o ne a bolelela gape ka ga dikakanyo tsa balekane ka mo dithutong tse tse di kgatlhisitseng e rile buka e romelwa balekane gore ba e atlhole. Molekanyetsi mongwe wa kwa moseja o rile gore ga go ka ke gwa makatsa fa buka e e sa ye go badiwa le kwa ntle ga melelwane ya mo Aforika Borwa. Ba bangwe gape ba re diteng tsa buka e di tlisa kumo e kgolo ka mo dikgatisong tsa go toloka.
Moporof Du Plessis o dumela gotlhe, kwa ntle ga pelaelo gore YBB ke moeteledipele ka mo tikologong ya go toloka ka mo dithutong mme o boleletse tsholofelo gore go santse go ka tswa dikgatsiso tse dintsi ka mo maitemogelong a a YBB ka gore ba na le kitso e ntsi e ba e kgobakantshitseng mme e ka bulela babatlisisi ba bantsi tsela.
Ka nako ya go golola buka, Moporof Verhoef o abetse Ngk Theuns Eloff, Motlatsa-Mokhanseliri buka e ka gore ke ene yo a akantseng tiro e ya go fetola ka mo diphaposi= borutelong ka mo YBB. O ne a boka Ngk Eloff ka maano a gagwe a ponelopele a a dirileng gore diporokerama tse tsa dipuodintsi di netefale ka mo YBB.
Go ya ka Moh Leanne Martini, CEO ya Bagatisi ba Van Schaik, buka ya ntlha mo kgobokanyong e, e e sekasekileng mabaka a a farologaneng a dipuo, e gatisitswe ka 2000. Ene o akanya buka e e ntšhwa e, e tlile fela mo godimo ga nako mme e tla go rarabolola mathata a a dipuo ka mokgwa o wa go toloka ka mo thutong go tlisa tiriso ya dipuodintsi ka mo tikologong ya go ruta le go ithuta ka mo Aforika Borwa.
Ditokololo tse dingwe tsa badiri ba mo YBB ba ba kwadileng le bone ka mo bukeng e, ke barena Johan Blaauw le Gene Mathey le bahumagadi Rhoda Bothma, Elma de Kock, Herculene Olivier le Maristi Partridge.
Moporof Marlene Verhoef, Mokaedi wa Bokaedi jwa Dipuo mo YBB le motseleganyi-mmogo wa buka ya tlotlo ya Multilingualism and Educational Interpreting: Innovation and Delivery o na le Moporof Theodorus du Plessis wa Yunibesiti ya Foreisitatale Moh Leanne Martini, CEO ya Bagatisi ba Van Schaik, ka nako ya go golola buka e e ntšhwa mo Potchefstroom.
Moporof Marlene Verhoef, Mokaedi wa Bokaedi jwa Dipuo mo YBB, o fa Moporof Mariëtte Lowes, Motlatsa-moreketoro: Akatemi khopi ya buka ya Multilingualism and Educational Interpreting: Innovation and Delivery. Le bone go na le Moporof Hein Viljoen, Mokaedi wa Yuniti ya Patlisiso ya Dipuo le Ditlhangwa ka mo Tikologong ya Aforika Borwa, Khamphase ya Potchefstroom.
<fn>NWU-NEWS. News209.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Moporesitente wa Lekgotlha-Patlisiso la Kalafo(LPK) wa Aforika Borwa fela maloba a ne a tlile mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) go tla go ruta thuto ya tlotlo.
Moporofesa Anthony Mbewu o ne a ruta thuto ya gagwe ka tlhogo ya "Boitekanelo ga se tshenyegelo mme ke tsadiso". O ne a tlhalosa botlhokwa jwa patlisiso e e diriwang ke bosaense jwa boitekanelo mo bathong ba mo Aforika Borwa. O rile gore patlisiso ya Fakalthi ya Bosaense jwa Boitekanelo le ditheo tse dingwe tsa mo setšhabeng e bonwa botlhokwa thata ke LPK ka gore e tlisa diphetogo tse di botlhokwa ka mo tswelelopeleng ya boitekanelo jwa botlhe.
Batlotlegi ba babedi ba kwa LPK, ba e leng Moporofesa Pieter Jooste, moporofesa yo e seng wa tlwaelo kwa Kotlong le Moporofesa André Oelofse wa Yunibesiti ya Tshwane ba ne ba tsene kopano le bone.
Diporokerama tsa Mafelo a patlisiso a Fakalthi a ne a bontshiwa baeng. Mafelo a a ke Senteramo ya Boitseanape jwa Kotlo le Yuniti ya Aforika ya Patlisiso ya Boitekanelo jwa Dirutwa tse di Farologaneng le kgaolo ya go itlhaola ya Madi a a kwa godimo mo Aforika le Yuniti ya Patlisiso ya Melemo le Tlhabololo ya Melemo le kgaolo ya go itlhaola ya Tiriso ya melemo mo Aforika Borwa le Ditiro tsa Matlhagatlhaga, Metshameko le Boitiso.
Ke sa ntlha mo hisitoring ya Fakalthi ya Bosaense jwa Boitekanelo gore moporesitente wa LPK a jele nala ka mo Khamphaseng.
Baporofesa Mariëtte Lowes, Motlatsa-Moreketoro: Akatemi, Annette Combrink, Moreketoro wa Khamphase, André Oelofse wa Yunibesiti ya Tshwane, Anthony Mbewu, moporesitente wa LPK, Pieter Jooste wa LPK, le Marlene Viljoen, Diini ya Fakalthi ya Bosaense jwa Boitekanelo.
<fn>NWU-NEWS. News210.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Tšhingwana e e golang ya Botaniki ya mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) e goletse pele ka go amogela palo ya ditlhare tse dintšhwa beke e.
Tlhogo ya komiti ya bagakolodi ba botaniki ya tšhingwana ya botaniki le motlhatlheledi wa botaniki, Moporof Sarel Cilliers, o rile gore le fa letsatsi la go jwala ditlhare e fetile, nako e santse e siame go jwala ditlhare ka mo tikologong ya Potchefstroom. Palo ya baakatemi ba thusitse go jwala ditlhare tsa Motlhware, Modutu le tsa dikgong tsa kgale("old wood").
Tšhingwana ya Botaniki e kwadisitswe fela maloba kwa thulaganyong ya BGCI(Botanic Garden Conservation International) mme ke e nngwe ya ditšhingwana tsa botaniki di le pedi tse di leng mo diyunibesiting mo setšhabeng, e e kwadisitsweng kwa BGCI. Gape ke yone fela e e kwadisitsweng ka mo porofenseng ya Bokone-Bophirima.
Moporof Cilliers a re tšhingwana e simolotswe ka 1962 mme go fitlhela ka 2003 e ne ya baakangwa go tshwana le pele ka thuso ya motlhomamisi Mor Peter Mortimer, le yo a tlileng morago ga gagwe, Mor Martin Smit. Jaanong jaana Mor Smit o tshwaragane le tiro ya go baya diboroto tsa maina a dijalwa di ka nna 1500 ka mo tšhingwaneng.
Tšhingwana ya botaniki e dirisiwa bogolo go fana ka materiale ya dijalwa tsa go ruta le go dira patlisiso mo Yunibesiting. Go ya ka Moporof Cilliers palogare ya baithuti ba ba 700 ba dirisa dijalwa tse ka ngwaga ya dithuto tsa bone. Gape a re dijalwa tse di seng dintsi le tse di batlang go timela mo setšhabeng di tshwariwa mme di sireletswa ka mo tšhingwaneng go fa batho kitso e e botlhokwa gore ba bone gore ke dijalwa dife tse di siametseng tikologo e mme ke dife tse di tshwanetseng go sireletswa.
Barutwana ba Sekolo se se kwa Godimo sa Seiphemelo ba ba katisiwang gore ba nne batlhokomedi ba naga ba bannye ba ne ba le teng ka nako ya go jwala ditlhare mme ba na le morutabana wa bone, Mor John Tlale. Tlale le ene ke motlhokomedi wa tlotlo wa naga.
Gone maloba go ne ga bulwa le lefelo la dipontsho tsa diatshe ka mo tšhingwaneng mme dipontsho di tloga di tshwarelwa teng.
Mongwe le mongwe yo a batlang go etela tšhingwana a ka dira jalo ka malatsi a beke ka dinako tsa 08:00 go 16:30 ka selemo mme go fitlhela ka 16:00 ka mariga. Ba ba nang le kgatlhego ba ka ikopantsha le Mor Smit kwa 018 299 2753.
Moporof Daan van Wyk, Motlatsa-Moreketoro: Boleng le Maano, o jwala setlhare sa motlhware, mme o lebeletswe ke badirimmogo ba gagwe. Go tswa mo molemeng go na le: Baporof Kobus Pienaar, Diini: Bosaense jwa Tlholego, Huib van Hamburg, Mokaedi: Sekolo sa Bosaense jwa Tikologo le Tlhabololo, Sarel Cilliers, Motlhatlheledi wa Botaniki le Tlhogo ya Komiti ya Bagakolodi ba Botaniki ya Tšhingwana ya Botaniki, le Mor Martin Smit, Motlhomamisi wa Tšhingwana ya Botaniki.
Barutwana ba kwa Sekolong se se kwa Godimo sa Seiphemelo, ba ba katisiwang go nna batlhokomedi ba bannye ba naga, ba eme mme ba lebeletse Diini ya Bosaense jwa Tlholego, Moporof Kobus Pienaar, fa a santse a jwala setlhare sa modutu. Kwa morago go na le: Moporof Huib van Hamburg, Mokaedi: Sekolo sa Bosaense jwa Tikologo le Tlhabololo, Tsholofelo Kolise, Ntshepe Ramosena, Moporof Daan van Wyk, Motlatsa-Moreketoro: Boleng le Maano, Shadrak Tshabalala, Mor John Tlale, motlhokomedi wa naga wa tlotlo mme morutabana kwa Seiphemelo, le Mor Kelvin Khumisi.
<fn>NWU-NEWS. News211.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom e ne e amogetse baeng ba ka nna masorobedi go tshwara reyuniene ya bone ka botlhe ba ne ba le baithuti ba ngwaga ya ntlha ka 1958.
Moporof Annette Combrink, moreketoro wa khamphase, o ne a sedifatsa setlhopha sotlhe ka ga ditiragalo tsa ka mo YBB mme ba tshwara leeto go ya kwa mafelong a a itsiwang ka mo khamphaseng.
Potchefstroom Universiteit vir Christelike Hoër Onderwys (PU vir CHO) e kopane le Yunibesiti ya Bokone-Bophirima ka 2004. YBB e ile ya bopiwa ka dikhamphase tse di farologaneng tsa Mafikeng, Khutlotharo ya Lekwa le ya Potchefstroom.
Go tswa mo molemeng go na le Mor Piet Bosman, moh Gerda Toxopeus (nnyaa Woudstra) le Mor Neels Cornelius, botlhe baithuti ba ngwaga ya ntlha ka 1958.
Mor Hennie Koekemoer le Moporof Annette Combrink, Moreketoro wa mo Khamphaseng ya Potchefstroom.
Fa moporof Roelf van Rooyen, moreketoro wa pele wa Potchefstroom Onderwyskollege (Pote), le Moporof Annette Combrink, Moreketoro wa mo Khamphaseng ya Potchefstroom, ba itisa monate.
<fn>NWU-NEWS. News213.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Sekolo sa Boenjeniri jwa Motlakase le Khomphutara ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) e santse e le mo tseleng ya go fenya.
Tiro e e fentseng gape mo lenaaneng la dikatlego tse di kgatlhisang tsa Sekolo se ke maemo a ntlha a a bonweng mo kgaisanong ya setšhaba sa SAIEE(South African Institute for Electric Engineering). Ngwaga e e fetileng Jacques Germishuys o ne a biditswe leina go nna moithuti wa ngwaga ya bofelo wa mampodi ka mo Aforika Borwa ka porojeke ya gagwe. Jacques o tlhomamisitse gore o fenya kgaisano ka go ikwadisa ka osilisekopo (oscilloscope ka Seesimane) e e kgatlhisang e a e betlileng.
Go ya ka Mor Christo van der Merwe, Moeteledipele wa dithuto le motlhatlheledi wa gagwe ka mo Sekolong sa Boenjeniri jwa Motlakase le Khomphutara, didiriso tse di dirisiwang ke baenjeniri ba motlakase go lekantsha ka gale di tura thata, thata mo baithuting. Jacques o tlhabolotse osilisekopo se se sa tureng se se ka kgonwang go rekiwa ka palo yotlhe e e leng palogare ya R3 000 e e ka dirisiwang ke baithuti go ka bona tse ba di lekantshang ka mo dikhomphutheng tsa bone. Sediriso se tsengwa fela ka mo phatlheng ya USB mme go ka lekantshiwa mme go ka atlholwa mme go ka bolokwa ditsiboso tse di bonweng.
"Se se dirang gore sediriso se se kgatlhise jalo ke ka ntlha ya gore e dira sentle gotlhegotlhe mme e ka tloga e diriwa fela kwa difemeng mme e rekisiwe ka mo mebarakeng. Jacques o amogetse ditlhaloso le dikatlholo tse di kgatlhisang tota go tswa kwa baatlhoding," ga tlhalosa Mor Van der Merwe.
Moithuti yo o botlhale yo wa YBB Puk e gaisitse baithuti ba le 7 ba kwa diyunibesiting tsa mo Aforika Borwa go ka amogela kabelo ya madi a kana ka R3 000.
Moporof Jan de Kock, Mokaedi wa Sekolo, o rile gore ruri ba ka ntsha sehuba ka ditiro tsa ngwaga e e fetileng. Baithuti ba Sekolo ba ngwaga ya boraro ba fentse Kgaisano ya Siemens Cyber Junkyard ya go dirisa metšhini ka mo intasetering. Se se raya gore ngwaga e sekolo se ntsha sehuba ka dimmampodi tsa baithuti ba ngwaga ya boraro le ba porojeke ya moithuti wa ngwaga ya bofelo.
Jacques Germishuys, moithuti wa YBB Puk yo o biditsweng leina go nna mofenyi wa setšhaba wa kgaisano ya SAIEE(South African Institute for Electric Engineers), gammogo le moeteledipele wa dithuto wa gagwe, Mor Christo van der Merwe (mo molemeng) le Mor Victor Wilson, Moporesitente wa SAIEE.
Osilisikopo e e kgatlhisang ya USB ya ga Jacques Germishuys.
<fn>NWU-NEWS. News215.2009-12-02.tn.txt</fn>
Ofisi ya setheo - Motlatsa-Mokhanseliri le bareketoro ba bararo ba Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ba ne ba sa itse gore ba tshwara mme ba tlogela kae ka kamogelo ya baithuti ba ba gaufi le 6200 ka mo dikhamphaseng tse di farologaneng.
Ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom go amogetswe dikopo di ka nna 4800 mme go dumetswe ba ba 4200 go tswa mo go bone mme kwa Khamphaseng ya Mafikeng go itlotliwa ka palo ya dikopo di le 1200. Baithuti ba ngwaga ya ntlha ba ba 800 ba kwadisitswe le kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa - se le sone ke palo ya rekoto ya kwadiso.
Moporof Annette Combrink, Moreketoro wa mo Khamphaseng ya Potchefstroom o amogetse baithuti ba ngwaga ya ntlha ka letsatsi la 17 Ferikgong mme go ne go na le batho ba ba fetang palo ya 12000 ka mo Khamphaseng. Moporof Piet Prinsloo, Moreketoro wa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa o amogetse baithuti ba ngwaga ya ntlha ba gagwe ka letsatsi la 23 Ferikgong mme Moporof Dan Kgwadi, Moreketoro wa Khamphase ya Mafikeng o amogetswe ba bašwa ba gagwe ka letsatsi la 26 Ferikgong.
Motlatsa-Mokhanseliri, Ngk Theuns Eloff ka mo puong ya gagwe le baithuti le batsadi ba bone, o ne a lebeletse thata tlhogo ya go ba tlhalosetsa botlhokwa le kemo ya YBB mo gare ga ditheo tse dingwe tsa thutogodimo mo Aforika Borwa. O buile gape ka go re Yunibesiti e ka tswalela kgaolo ya hisetori ya kopano ya dikhamphase jaanong le gore jaanong go ka lebelelwa bokamoso ka boikanyo.
Dikatlego tse di tlhaloseditsweng ke Ngk Eloff ke kemo ya ntlha e e amogetsweng mmogo le setheo se sengwe mo kgaisanong le mo kabelong ya 2007 PricewaterhouseCoopers ya Taolo ya Korporatifi ya Boitlhaodi ka mo Thutogodimong, le kabelo e e amogetsweng ka re bonwe re le setheo se se abetseng go feta ditheo tsotlhe tsa thutogodimo go godisa tiriso ya dipuodintsi le go aga setšhaba mo dingwageng tse di 10 tse di fetileng mo Karolong ya Thutogodimo ya mo Aforika Borwa go tswa go Pansalb ka 2008. Gape YBB e biditswe leina ke Lefapha la Saense le Thekenoloji go nna Yunibesiti e e gaisang tsotlhe ka go nna yunibesiti ya tswelelopele ya thekenoloji le poposešwa mo Aforika Borwa ya maemo a ntlha.
Motlatsa-Mokhanseliri, Ngk Theuns Eloff o ne a tshwere dithapo ka nako ya pulo le kamogelo ka mo Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa. O dikolotswe ke baithuti ba ngwaga ya ntlha gammogo le moreketoro wa khamphase, moporof Piet Prinsloo le Modulasetulo wa SRC, Siphiwe Mbata.
Mogasi mongwe wa RSG(Radio Sonder Grense) mor Niekie van den Berg, o kwadisitse le ene morwadi yo monnye wa gagwe yo e leng Carla, ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom.
Bangwe ba baithuti ba ngwaga ya ntlha ba ba ikwadisitseng ngwaga e ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB). Go tswa mo molemeng go na le Edward Dipheko wa kwa Ga-Khunwama ka mo Bokone-Bophirima yo o tlileng go ithutela borutabana, Corné Zandberg wa kwa Reitz yo o tla ithutang BCom Molao, ngk Theuns Eloff, Motlatsa-Mokhanseliri wa YBB, moporof Annette Combrink, Moreketoro wa Khamphase le Dale Abercrombie wa kwa Mafikeng yo o tla ithutang LLB. Fa pele go na le ditsala tsa sekolo go tswa kwa Alberton, Inge Venter yo o tla ithutang BA Thuto ya Tshikinyo ya Batho le Mandy Ryan yo o tla ithutang BSc Maekerobioloji.
Moithuti wa ngwaga ya ntlha ka nako ya go goroga ka mo Khamphaseng ya Mafikeng ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB).
<fn>NWU-NEWS. News216.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Ka boikhutso jo bo fetileng khwaere ya Boulevard Harmonists ya mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) e fentse sekgele se sentle tota ka kgaisano ya boditšhabatšhaba ya dikhwaere tsa Christmas kwa Czech Republic.
Ba-Harmonists, ba ba leng baopedi ba tlotlo ba ensemele ba Kapetla ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom, ba fentse kgaisano e e biditsweng "Prague Christmas International Competition" ya dikhwaere tse dinnye. Palogare ya dikhwaere di le 25, bontsi ba kwa Yuropa le kwa Asia, ba ne ba gaisana ka mo dikarolong tse pedi. Khwaere ya kwa Russia e fentse kgaolo ya dikhwaere tse di kgolo.
Go ya ka Mor Mor Peet Ryke o wa Lefapha la Setso, yo a neng a le moeteledipele wa loeto, setlhopha sa batho ba ba thataro ba ne ba tshwara dikhonsarata di le 11 kwa Serbia, Hungary, Poland, Czech Republic le kwa Austria.
Mor Ryke a re loeto lo tsamailwe go ruta baithuti ba ba nang le neo e kgolo gore ba tle ba itse setso sa Yuropa sa mmino le go dira bophara maitemogelo a bone. "Gape re ile ra itsisa batho le bareetsi ba kwa moseja mmino wa mo Aforika Borwa," ga tlhalosa Mor Ryke.
A re maeto a a dikhonsarata jaaka e di na le mosola o mogolo mo baithuting ba ba nang le neo go dira bophara maphelo a bone a setso. "Se ke mo ba kgonang go dira bophara atshe ya bone mme ba katisiwe mme ba oketse kitso ya bone ya diatshe le ponelopele le kakanyo ya bone ya lefatshe."
Khwaere ya Boulevard Harmonists ba na le ditokololo di le 6 mme ba ba 5 jaanong jaana ke baithuti ba kgale ba sekolo sa mmino. Go ba baakanyetsa kgaisano sentle moeteledipele wa bone, Moh Mandie de Villiers-Schutte wa Sekolo sa Mmino o ne a ba ruta sentle mme a oketsa katlego ya setlhopha.
Mor Ryke a re khwaere e itlotla thata ka sekgele se ba se fentseng se se dirilweng ka galase ya "flint".
Khwaere ya Boulevard Harmonists ba mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ke ba ba latelang: (kwa morago) Annari van Jaarsveld le Marnus Nothnagel. Ka mo pele: Marshell Lombard, Grethe Uren, Pierre-Louis le Grange le Jana du Plooy.
<fn>NWU-NEWS. News218.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Moithuti wa nako e e fetileng wa Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone Bophirima (NWU) o ne bošeng jaana a tlhomiwa go nna ngaka ya ditlhaloganyo tsa setlhopha sa batshameki sa Super 14 kwa Australia Brumbies e ne ya saenisa Dr Pieter Kruger konteraka ya go tlhokomela setlhopha le go dira ditshekatsheko ka tlhaloganyo ya bone le go rarabolola mathata ape a a a bonang.
Mo dingwageng di le tharo tse di fetileng Kruger o ntse a tshwaregile mo setlhopheng se se itsegeng thata sa kwa London sa Harlequins. Mokatisi wa maloba wa Harlequins, e leng Andy Friend, o ne a newa tiro key setlhopha sa nagagae ya gagwe gore a ye go katisa Brumbies. O ne a itlhophela setlhopha sa gagwe sa botsamaisi mme a kopa Kruger gore mo setlheng se se latelang, a nne ngaka ya ditlhaloganyo tsa batshameki ba setlhopha sa gagwe.
Ka ntlha ya go tshwarega ga ga Kruger mo setlhopheng sa Harlequins le gore ke mongwe wa dingaka tsa poraefete kwa London, o ne a se ka a kgona go fuduga go ya go nnela ruri kwa Australia.
Kruger o feditse dingwaga tse di fetang lesome a na le tiro e e itumedisang mo ditlhopheng tsa rugby mo Aforika Borwa le kwa Engelane. Jaaka moithuti, o ne a a tshamekela ditlhopha tsa u.14 le u 15 tsa Potchefstroom Gymnasium High School, tse ka bobedi jwa tsone di neng tsa fitlha kwa sekamakgaolakgannyeng a sejana sa sekolo sa bosetšhaba. O ne a fitlhelela dikirii ya gagwe ya BA le dikirii tse pedi tsa onase mo thutong ya go ithuta tlhaloganyo le disaense tsa metshameko cum laude kwa Yunibesiting ya Maloba ya Christen Higher Education (PU ya CHO).
Fa a sena go nna le dikirii ya gagwe ya Masetase mo thutong ya boithuta-tlhaloganyo, e gape e leng cum laude, kwa University of the Free State le fa a sena go wetsa dithuto tsa gagwe tsa go ithuta tiro a ntse a le mo tirong le dingwaga tsa tirelosetšhaba, o ne a boela kwa Puk go ya go ithutela lekwalo la bongaka la go ithuta ditlhaloganyo tsa batshameki. O ne a dira patlisiso ya gagwe mo ditlhopheng tsa Super 12, mme ka 2003/4 a nna mogakolodi wa Ngaka ya ditlhaloganyo tsa baithuti ba setlhopha sa Super 12 Bulls sa ga Rudy Joubert.
Ka 2004 Kruger e ne e le ngaka ya ditlhaloganyo tsa batshameki ba setheo sa rugby sa NWU Puk mme a thusa setlhopha sa ntlha go fenya bomampodi jwa South African Student Sport Union (SASSU) le bomampodi jwa tlelapa ya bosetšhaba ya Super Sport lekgetlo la ntlha fa e sa le NWU Puk e nna gone. Gape o ne a le ngaka ya ditlhaloganyo tsa batshameki ba s+etlhopha sa u.21 sa ga Peter de Villiers se se tshamekileng mo Sejaneng sa Lefatshe sa ditlhopha tsa u.21.
Ka 2005 o ne a ya go dira kwa setlhopheng sa Leopards rugby, se se neng sa fitlha kwa makgaolakgannyeng wa Vodacom Cup mo ngwageng oo mme gape sa tsenela kgaisano ya Currie Cup ya top eight. Kwantle ga ditiro tse a di dirileng mo setlhopheng sa Leopards, gape o ile a nna motlhatlheledi wa go ithuta ditlhaloganyo tsa batshameki kwa NWU Puk mme a bula ofisi ya boithutatlhaloganyo.
Ka 2006 Dr Kruger o ne a ya United Kingdom mme ka bonako morago ga moo a nna leloko la Harlequins jaaka ngaka ya setlhopha seo ya ditlhaloganyo tsa batshameki. Kwa London, o ne a tswelela ka tiro ya gagwe ya go nna ngaka ya intaseteri le ya ditlhaloganyo tsa batshameki a bo a tsweletsa dithuto tsa gagwe pele kwa Setheong sa Albert Ellis kwa New York le kwa Setheong sa Beck kwa Philadelphia kwa USA. Gone jaanong jaana ke motlhatlheledi0mogolo mo Lefapheng Boithuta-Tlhaloganyo kwa London Metropolitan University.
Mo dingwageng di le tharo tse di fetileng Kruger o thusitse Harlequins fa ba ne ba tshamekela Guinness Premiership mme a nna le tlhotlheletso e kgolo mo kgaisanong ya European Heineken Cup.
Go ya ka Dr Kruger, go botlhokwa gore ngaka ya ditlhaloganyo tsa batshameki mo setlhopheng sa metshameko e kgone go dira gore mongwe le mongwe a kgone go dirisana sentle le setlhopha. Go ya ka setlhopha, batshameki ba tshwanetse go leba dilo ka tsela e e tshwanang fa ba le mo lebaleng le go kgona go buisana ka tsela e e utlwalang sentle fa ba le kafa tlase ga kgatelelo e kgolo.
Dr Kruger o nyalane le moithuti wa nako e e fetileng wa Potchefstroom, e leng Suzanne Mulder, yo gone jaanon jaana e leng ngaka ya poraefete kwa London.
Dr Pieter Kruger le mokapotene yo o itsegeng thata wa setlhopha sa Wallaby, Rre Stirling Mortlock, ka nako ya go ikatisa ga setlhopha sa Brumbies. Gape, Mortlock ke mokapotene wa Brumbies.
Dr Pieter Kruger le Andrew Mehrtens, moragi yo o itsegeng thata wa New Zealand, kwa moletlong wa bokhutlo jwa ngwaga wa Harlequins.
Dr Pieter Kruger kwa Twickenham Stoop, lebala la kwa legaeng la setlhopha sa Harlequins, pelenyana fela ga motshameko.
Dr Pieter ke mme aterese ya gagwe ya imeili ke P. Kruger@sky.com Link: mailto:P. Kruger@sky.
<fn>NWU-NEWS. News219.2009-12-02.tn.txt</fn>
Mafikeng - Palo e kgolo ya baithuti ba nako e e fetileng ba le 300 go tswa kwa Khamphaseng ya Mafikeng ya Yunibesiti ya Bokone Bophirima (NWU) ba ne ba nna teng bošeng jaana kwa dijong tsa maitseboa kwa Gaborone Sun Conference Centre in Gabarone, kwa Botswana.
Mohumagatsana Susan van Rooyen, Motsamaisi wa Nama o sa Tshwere: wa Dipapatso le Ditlhaeletsano, o ne a amogela baithuti bano ba nako e e fetileng le go ba tlhomamisetsa gore Yunibesiti e motlotlo ka diphitlhelelo tsa bone tse di gakgamatsang le go nna le seabe sa go etelela pele mo dilong dingwe mo Botswana.
Mohumagatsana van Rooyen o ne a re: "Baithuti ba nako e e fetileng ke baemedi le badiri-mmogo le yunibesiti eno e bile re batla gore lo direle sekolo seno sa lona ditiro dingwe."
Porofesa Dan Kgwadi, Mookamedi wa Khamphase, o ne a kopa baithuti bano ba nako e e fetileng gore ba etele Khamphase mme ba fitlhe ba fetisetse bokgoni jwa bone mo baithuting ba bangwe ka go ba kaela ba ba beile leitlho.
Rre Louis Jacobs, Mokaedi: wa Ditlhaeletsano tsa Kgwebo o nea emela Motlatsa-Motšhanselara. Dintlhakgolo tse di neng tsa umakiwa ke Rre Jacobs di ne di akaretsa go ikgapela ga Yunibesiti maemo a ntlha a Diawate tsa 2008 tsa PricewaterhouseCoopers Higher Education Excellence tsa go Laola Kgwebo, awate e e neng ya ntshiwa ke Pan-South African Language Board (Boto ya Dipuo Tsotlhe Tsa mo Aforika Borwa) ya go tsenya letsogo mo go rotloetseng tiriso ya dipu tse di farologaneng le go aga setšhaba mo dingwageng di le lesome tse di fetileng mo setlamong sa Aforika Borwa sa thuto e e kwa godimo, mmogo le go tlhophelwa ga NWU Lefapha la Saense le Thekenoloji jaaka yunibesiti e e gatetseng pele go di feta tsotlhe ya thekenoloj mo Aforika Borwa.
Gareng ga baithuti ba nako e e fetileng ba ba neng ba le teng mo tiragalong eno go ne go na le: Baporesidente ba maloba ba SRC le maloko, Bahumagadi Friday Leburu, Mmpho Mfoloe le Treasure Motlobi.
Ditiro di ne di tla di patiwa ke Mmino wa batantshi ba setso ba Botswana le setlhopha sa mmino. Matsosangwao. Rree Chillie Samtisi, Motsamaisi le motlhami wa setlhopha seno - mmogo le moithuti wa nako e e fetileng wa Yunibesiti eno - ba ne ba etleetsa ditiro tsa go natetsha tiragalo eno ka madi mo dijong tseno tsa maitseboa.
<fn>NWU-NEWS. News22.2009-12-02.tn.txt</fn>
Reetsa Pina ya Yunibesiti, bala mafoko, (Link: /opencms/export/) A o na le ditemoso?
E tlhamilwe, ya kwalwa ya bo ya reetswa. Go ne ga neelwa ditshwaelo mme badiri le baithuti ba e tlhophile. Go feditswe jaanong. Pina e ntšhwa (ya ntlha) ya Yunibesithi ya Bokone-Bophirima e tlhophilwe mme e tla opelwa mo dikhampaseng tsotlhe.
Bontsi bo supile fa bo ratile mofuta wa bobedi wa pina e e neng e tshintsintswe ka gonne e ne ya tlhagisetswa ditshwaelo mo kgweding di se kae tse di sa tswang go feta.
Botsamaisi jwa Setheo bo dumalane ka go amogela mofuta wa bobedi ka bongwe ba pelo mo kgweding ya Moranang. Tshwetso e, e ne ya tsewa morago ga go tsaya tsia thulaganyo ya ditherisano go ralala dikhampase tsotlhe.
Tlhamo ya ga Awie van Wyk e ne ya diragatswa ke khwaere e e kopaneng ya dikhampase tsotlhe kwa moletlong wa tlhomo ya Mokanseleri le Motlatsa-Mokanseleri o o neng o patagantswe le kgakolo-semmuso ya Yunibesithi (e ntšhwa).
Pina e ntšhwa e e amogetsweng e tla tlhagisiwa le go tsweletswa mo go botlhe ba ba nang le seabe.
"Ke motlotlo ka gore pina e ke boitlhamedi jwa rona jwa mo gae," go bua jalo Dr. Theuns Eloff, Motlatsa-Mokanseleri.
O akgotse Hein Viljoen ka dilleriki tse a di kwadileng ka tshwaragano le Tshwaro Abram Pule, Vera Motsilanyane le Thersio Tsambo, gammogo le Komiti ya kwa Mafikeng ya Setswana, Rigardt Pretorius, Johan Zerwick, Maria Letsie le Karien Brits.
Van Wyk le Martin Watt ba ne ba tlotlomaletswa tlhamo ya bona. Horts Bütow ke ene yo e neng e le mogokaganyi.
Ga go ise go tsewe tshwetso ka ga dipina tsa dikhampase ka go farologana ga tsona. Ntlha e, go bonala e tla swetswa morago ga gore go wetswe Thulaganyo ya Ponelopele le Maikaelelo.
<fn>NWU-NEWS. News220.2009-12-02.tn.txt</fn>
Ofisi ya Setheo - Letsatsi la Bošeng jaana la go Tshameka Kolofo la Terasete ya Motšhanselara le porosediente wa nako e e fetileng wa puso e leng, Rre FW de Klerk, a neng a nna le seabe mo go lone le tsentse R50 000 mo letloleng leno.
Ka nako ya fa go ne go abiwa mepuso Rre De Klerk o ne a tlhalosa gore ka nako ya fa a ne a amogela Sejana sa Nobel, o ne a swetsa ka gore a beeletse bontsi jwa moputso wa madi a a neng a a amogetse mo Khamphaseng ya gone jaanong ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone Bophirima (NWU). O ne a tlhoma letlole leno ka September 1994 go tshegetsa le go rotloetsa go dirisiwa ga puo ya Se-Aforikanse.
"Ke motlotlo ka tsela e e molemo e madi a dirisiwang ka yone. Aforikanse, e leng puo e bangwe ba e buang kwa gae e bile e le e bangwe bone ba e ithutang mo nageng ya rona, e na le tlhotlheletso e kgolo mme e sa ntse e tshwanelwa ke go fenya dikgoreletsi di le mmalwa. Re tshwanetse go dira dithulaganyo tsa go thusa baša ka go simolola diporojeke tsa go dira dilo ka mekgwa e meša gore ba tle ga ngomaele Aforikanse."
Motlatsa-Motšhanselara wa NWU, e leng Dr Theuns Eloff, o ne a tlhalosa gore mo dingwageng di le sometharo tse di fetileng, terasete e ile ya dirisa madi a a fetang R1 milione mo diporojekeng tsa mo baaging tsa Aforikanse ka kwantle ga ditheo tsa thuto.
Bafenyi ba letsatsi la kolofo e ne e le baeng ba babedi go tswa kwa Khutlongtharo ya Lekwa, Mohumagadi Camm Dickson le Bronkie Bronkhorst.
Setlhopha sa ga Rre FW de Klerk se se neng sa tshameka mo Letsatsing la go Tshameka Kolofo la Terasete ya Motšhanselara e ne e le Rre Danie Cronjé, Motšhanselara wa nako e e fetileng wa Khamphase ya Potchefstroom ya NWU, Rre De Klerk, Dr Theuns Eloff, Motlatsa-Motšhanselara wa NWU, le Dr Leon Wessels wa Khomišini ya Ditshwanelo Tsa Batho.
Bafenya ba Letsatsi la go Tshameka Kolofo la Terasete ya Motšhanselara ba Puk e ne e le Camm Dickson (kafa molemeng) le Bronkie Bronkhorst (kafa mojeng), ba na le Mohumagadi FW de Klerk le Danie Cronje le Dr Theuns Eloff, Motlatsa-Motšhanselara wa NWU.
<fn>NWU-NEWS. News221.2009-12-02.tn.txt</fn>
Go sirololwa ga setshwantsho se se takilweng sa ga Eloff yo maemo a gagwe a tsewang ke mongwe o sele.
Potchefstroom - Ditiro tsa ngwaga ono o moša mo ofising ya mookamedi wa khamphase di ne di akaretsa tiragalo nngwe e e neng ya ratwa ke botlhe ya go sirololwa semmuso ga setshwantsho se se takilweng sa mookamedi wa setheo wa pele.
Setshwantsho se sentle seno se se takilweng sa ga Dr Theuns Eloff, e leng mookamedi wa bosupa wa setheo wa University for Christian Higher Education (PU for CHE) ya pele yo gone jaanong e leng Motlatsa-Motšhanselara wa Yunibesiti ya Bokone Bophirima (e ntšha), sone mmogo le tse dingwe tsa baokamedi ba bangwe ba setheo ba ba rataro ba pele, di mo leboteng la lefelo la boamogelo jwa ofisi ya mookamedi mo boalong jwa bobedi jwa Joon van Rooy Building. Maloko a setlhopha sa Botsamaisi sa Setheo (Institutional Management [IM]) sa NWU ba ne ba le teng fa Porofesa Annette Combrink, e leng mookamedi wa gone jaanong wa setheo a ne a sirolola setshwantsho se se takilweng seno. O ne a thusiwa ke Porofesa Mariëtte Lowes, Motlatsa-Motšhanselara: wa Tsa Thuto.
Porofesa Combrink o ne a tlotla ka bokhutshwane ka mookamedi mongwe le mongwe wa pele wa setheo. Porofesa Ferdinand Postma, yo e neng e le mookamedi wa setheo go simolola ka 1919 go fitlha ka 1959, o ne a tlhalosiwa jaaka mongwe yo o nnileng le seabe se segolo mo go tlhomiweng ga Yunibesiti. O ne a iteka ka natla go kolekela setheo madi, mme fa molemirui a ne a sa kgone go koleka madi, o ne a ntsha kgomo. Leno ke lone lebaka la go bo go na le letlole le le bidiwang "cow fund".
Morago ga gagwe, Porofesa Joon van Rooy o ne a nna mookamedi wa setheo dingwaga di le tharo. O ne a tlhatlhangwa ke Porofesa J Chris Coetzee, yo o neng a nna modulasetulo wa mookamedi wa setheo dingwaga di le lesome.
Morago ga gagwe go ne ga tla Porofesa Hennie Bingle. Leina le a neng a retwa ka lone e ne e le 'Klipoog' - o ne a le bosilo thata e bile e le motlhatlheledi yo o nang le bokgoni. Bingle o ne a nna moeteledipele wa setheo go simolola ka 1964 go fitlha ka 1977.
Porofesa Tjaart van der Walt, e leng moithutabodumedi, o ne a fudugela mo ofising ya moeteledipele wa setheo mme a etelela yunibesiti pele go fitlha ka 1988. O ne a tlhatlhangwa ke Porofesa Carools Reynecke, yo o neng a etelela pele go simolola ka 1989 go fitlha ka 2001.
Porofesa Combrink o ne a re leina le Reinecke a neng a retwa ka lone, e leng CSS le raya Carools said so. Le ene o ne a le bosilo, mme o ne a kgona go dira gore ditiro tsa go dira patlisiso tsa Yunbesiti di gatele pele. Dr Eloff e ne e le moeteledipele wa setheo go simolola ka 2002 go fitlha ka 2003 - lobakanyana fela pele ga go tlhongwa Yunibesiti e ntšha.
Dr Eloff o ne a lebogela porofesa Combrink go bo a mo diretse tironyana eno le go bo "go na le sengwe se a tla gopolwang ka sone". Go ya ka ene, go botlhokwa gore dilo tsa nako e e fetileng di se ka tsa lebalwa mme e seng seo fela, se se botlhokwa gape ke gore go na le tirisanommogo. Setshwantsho sa gagwe se se takilweng se ne sa dirwa ke Diane McLean. Bontsi jwa ditshwantsho tsa nako e e fetileng tse di takilweng tsone di ne tsa dirwa ke Fleur Ferri, yo jaanong a rotseng tiro.
<fn>NWU-NEWS. News222.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Porofesa Annette Combrink, Mookamedi wa Khamphase ya Potchefstroom wa Yunibesiti ya Bokone Bophirima (NWU), o tlhomilwe go nna modulasetulo yo moša wa Aardklop National Art Festival. Combrink e mosadi wa ntlha go nna mookamedi, mme o tlhatlhama Dr Theuns Eloff, Motlatsa-Motšhanselara, yo tiro ya gagwe ya bodulasetulo e feletsweng ke nako.
Combrink o rata thata dilo tsa botsweretshi mme mo go direleng ga gagwe yunibesiti ka lobaka lo lo leele, jaaka Mokaedi wa Sekolo sa Dipuo le Mookamedi wa Lefapha la Botsweretshi, o dirile go le gontsi tota go rotloesta botsweretshi mo khamphaseng.
Combrink ke modulasetulo wa Komiti ya Botsweretshi mo Khamphaseng ya NWU-Puk e a e tlhamileng. O ne a tlhoma le go atolosa lefelo la dipontsho tsa botsweretshi le go tshwarwang dipontsho tsa maemo a a kwa godimo ka metlha mo go lone. Bobogelo jwa mo khamphaseng le jone bo ne jwa fetolwa gore e nne lefelo la konokono le mo go lone batho ba le 3000 ba ka kgonang go bogela go tswa mo go jone.
Le fa go ntse jalo, selo se Combrink a se ratang go di feta tsotlhe ke diterama. O na le di dikirii tsa Masetase le tsa Bongaka tsa Terama ya Seesemane, mme gape o dirile patlisiso e e seng kana ka sepe ka diterama tsa Aforika Borwa.
Go botlhokwa mo go nna gore batho ba tlhame tikologo ya dilo tsa botsweretshi. Ga re ise re atlege go dira jalo mo Khamphaseng ya Puk.
Jaaka modulasetulo, ke leba kabelo e ke e neilweng e le e e gwetlhang e le tota.
Eloff e ne e le modulasetulo wa Aardklop dingwaga di le tharo tse di fetileng. "Ke nako ya go rola tiro jaanong. Aardklop National Arts Festival ke moletlo o o atlegileng mme motho mongwe yo mmotlana yo o nang le temogo a ka kgona go dira gore moletlo e nne o o kgatlhang fela thata."
Eloff a re go tlhophelwa ga gagwe tiro eno lekgetlho la bobedi e e tsayang dingwaga di le tlhano gore a nne Motlatsa-Motšhanselara wa NWU go tla mmatla maikatlapelo a gagwe a tlhaloganya go feta pele. Le fa go ntse jalo, o tla bo gape a dira mo setlhopheng sa botsamaisi sa Mokgatlho wa Aardklop mo isagweng.
Boto ya bakaedi ya dipontsho tsa Aardklop e na le baithaopi ba ditiro dingwe tse di kgethegileng ba ba tswang mo baaging ba ba buang Aforikanse ba ba batlang go rotloetsa ditiro tsa botsweretshi kwantle ga go duelwa. Boikaelelo jwa bone ke go dira gore dipontsho tsa Aardklop e nne tse di di gogang kwa pele tsa ditiro tsa botsweretshi mo nageng le go dira gore di tswelele pele go gola.
Monongwaga, dipontsho tsa Aardklop di tla tshwarwa go simolola ka 29 Lwetse 2009 go ya go 3 Diphalane 2009.
Prof Annette Combrink.
<fn>NWU-NEWS. News223.2009-12-02.tn.txt</fn>
VANDERBIJLPARK - Porofesa Linda Theron o ne a abelwa mmentlele wa kakgolo go tswa kwa Sekolong sa Disaense Tsa Thuto tsa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa ya Yunibesiti ya Bokone Bophirima (NWU Vaal) o o ntshitsweng ke Education Association of South Africa (EASA).
Awate eno e ne e wela mo setlhopheng se se latelang: Babatlisisi ba ba Botlana ba 2009 Porofesa Theron o e abetswe ka ntlha ya go thusa mo go tsa boemo jwa thuto ya saense le go e rotloetsa. Dilo tsa ntlha-ntlha tse di batlegang mo setlhopheng seno di akaretsa: motho yo o tlhophetsweng go ka newa awate e tshwanetse go bo e le moithuti kgotsa mmatlisisi, o tshwanetse a bo a gatisitse ditlhogo tse di amogetsweng semmuso (mo nageng ya rona/kgotsa kwa dinageng di sele) e bile o tshwanetse a bo a nnile le seabe le seabe mo porojekeng e e tshegediwang ka madi kgotsa a e weditse e e ileng ya thusa ka tlhabololo ya thuto mo Aforika Borwa.
Porofesa Theron o ne a newa awate eno ka ntlha ya rekoto e a itiretseng yone e e nang le bosupi jwa diphelelo tse di molemo tsa patlisiso e a e dirileng le go oketsega ga mafelo a go dira patlisiso mo dingwageng di le tlhano tsa fa e sa le a nna le seabe mo patlisisong. Jaaka mmatlisisi yo o kgotlhelelang, gone jaanong jaana o tshwaregile k diporojeke di le nne tse dikgolo - mme o okametse di le pedi tsa tsone. Ya ntlha ya tseno ke National Research Foundation (NRF) porojeke e e etleediwang ka madi ya Thutuka e e bidiwang Resilient Educators kgotsa Reds, e boikaelelo jwa yone e leng go rotloetsa batlhatlheledi ba ba gwetlhiwang key kgogodi ya HIV go kgotlhelela. Reds e ne ya simolwa ka 2005 mme e gaufi le go tla mo bokhutlong jwa yone.
Porojeke ya bobedi e e bidiwang Read-me-to-Resilience e ne ya simolola ka Ferikgong 2009 mme Boto ya Dipuo Tsotlhe tsa Aforika Borwa (Pan-South African Language Board SANPAD) e e tshegetsa ka madi. Boikaelelo jwa porojeke eno ke go bona gore a gongwe go balela masiela a batsadi ba bone ba bolailweng ke Aids dikgutshwe tse di buang ka dilo tse gantsi go sa buiweng ka tsone ka ntlha ya setso go ka dira gore ba kgotlhelele. Babatlisisi mmogo go tswa kwa Nelson Mandela Metropolitan University (NMMU), University of Witwatersrand (Wits) le the University of Pretoria (UP), mmogo le baithuti ba le mmalwa mo diporojekeng tseno.
Mo godimo ga moo, Porofesa Theron o tshwaregile jaaka mmatlisisi wa Aforika Borwa mo diporojekeng di le pedi tsa boditšhabatšhaba tsa go kgotlhelela, tse di eteletsweng pele ke Porofesa Michael Ungar go tswa kwa Dalhousie University kwa Canada a na le babatlisiso mmogo go tswa kwa China, United States, India, Thailand, Canada le Columbia.
Go ya ka EASA, patlisiso ya ga Porofesa Therona dirile gore serutwa se kgone go tlhaloganngwa, e nonotshitse batlhatlheledi le go rotloetsa gore go nne le mafelo a patlisiso a bosetšhaba le a boditšhabatšhaba. Mo godimo ga moo, patlisiso ya gagwe e dirile gore baithuti ba gagwe ba bulegelwe ke ditšhono di le mmalwa. Tshegetso e a e amogetseng ya madi go tla go fitlha gompieno jaana le go tsenngwa ga gagwe mo diporojekeng tse di boitshegang tsa bosetšhaba le tsa boditšhabatšhaba di dira gore a akgolelwe tiro ya gagwe ya patlisiso e e sa ntseng e solofetsa go le gontsi.
Awate e ne ya abiwa ka di 14 Tsa Ferikgong kwa nakong ya dijo tsa maitseboa ka nako ya khonferense ya ngwaga le ngwaga ya EASA e e neng e tshwaretswe kwa KwaZulu-Natal. Ka 2010 khonferense ya EASA e tla bo e tshwaretswe kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa.
Porofesa Linda Theron le monna wa gagwe, e leng Porofesa Tinie Theron.
<fn>NWU-NEWS. News224.2009-12-02.tn.txt</fn>
VANDERBIJLPARK - Bokamoso jwa ga Yifu Zhang, mošwa wa kwa toropong ya Yiyang City kwa porofenseng ya Hunan kwa China, bo bulegile mme bo tletse lesedi.
Moithuti yo wa boditšhabatšhaba wa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela maloba o amogetse kabelo ka a bontshitse tswelelopele le boineelo go feta botlhe mo dithutong tsa gagwe le ka go fetsa dikerii ya gagwe ya Disaense tsa Thuto.
Morago ga dilemo di le 4½ ka mo Vanderbijlpark, Yifu o tla boela gae go tswelela ka boiphediso jwa gagwe go nna morutabana. Kwa ntle ga go dula kgakala le balosika le ditsala tsa gagwe o ne a tshwanetse go fenya le mathata le ditshireletso tsa puo le go tlwaela ditso tse dišwa.
Go ya ka Moporof Mary Grosser wa kwa Sekolong sa Disaense tsa Thuto, katlego ya ga Yifu ke sekao mo bathong botlhe. "Re ithutile rotlhe ka ene gore fa o batla sengwe ka pelo yotlhe o ka dira ka maatla mme o leka gotlhe gore o arabe ditoro tsa gago", ga re Moporof Grosser.
Thuto ke bophelo le madi a ga Yifus. Batsadi ba ga Zang le bone ke barutabana mme ke ka ntlha e borutabana e ne e le se le ene a se tlhophileng go nna boiphediso jwa gagwe. "Ke tlile mo Aforika Borwa go fetsa dithuto tsa me le go tokofatsa Seesimane sa me," ga re Zang mme a tlaleletsa ka go re thuto ke boiphediso jo bo siameng thata. "Ga go kgathalesege gore kgolo ya ikonomi kampo ditshogo tsa mathata a ikonomi ke eng, batho ba santse ba ka tlhoka thuto. Kwa China go na le tlhokego e kgolo ya barutabana ba ba kgonang go ruta Seesimane". Go na le nnete e e sa fetiweng ke sepe - Yifu ke sekao mo go botlhe mme le baithuti ba ba tseneng le ene ba re jalo.
Yifu o tla amogela dikerii ya gagwe ya BEd ngwaga e mme dirutwa tsa gagwe tse di kgolo ke Saense ya Dikhomphutara, Saense ya Tlholego le Jeokerafi.
Moporof Mary Grosser wa Sekolo sa Disaense tsa Thuto le Zhang.
<fn>NWU-NEWS. News225.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Kgang ya lerato ya ga Du Plessis e e gapang maikutlo e e bidiwang Verbrande paradys (Paradaese e e šeleng) Padi ya borataro ya ga Porofesa Hans du Plessis, e leng Mokaedi wa sekolo sa Yunbesiti ya Bokone Bophirima (NWU) Afrikaanse Taal en Kultuurvereniging (ATKV) sa go kwala ditlhamane, yo gape e leng mokwadi wa Griekwapsalms, e sa tswa go tsenngwa mo mabenkeleng.
Padi eno, e leng Verbrande paradys, ke kanelô e e raraaneng ya batho ba ba tswang mo tikologong ya ikholoji e e gakgamatsang ya Vredefort Dome. Go lebega padi e ntšha eno ya ga Porofesa Du Plessis e tlile go nna e nngwe ya tse di tla rekwang go di gaisa tsotlhe: Fa Rre Daniël Hugo a ne a sekaseka diteng tsa yone, o ne a re ke padi e e tshwanang le tse dintsintsi tsa ga Dalene Matthee.
Ka ngwaga wa gagwe wa bofelo wa sekolo, Sybrand Venter o patelesega ka bonako go sikara maikarabelo a batho ba ba setseng ba godile ka gonne leso la ga rraagwe le ne ka tshoganyetso la wela ba lelapa la ba ga Venter, la ba ga Spogter le la ba ga Nel jaaka leje le legolo le le weleng go tswa kwa lefaufaung. Mo gare ga marara ano a a diregang kwa Eden, go na le Reinet Venter yo o nang le sephiri sa nako e e fetileng.
Sephiri seno ke sone se se tla laolang gore tshimologo ya thatano ya ga Sybrand le Emma Nel wa polasi e e fa gaufi e tlile go tsamaya jang. Botshelo jwa ga Andries Spogter wa moatlelete le jwa ga Henro Venter yo pelo ya gagwe e shwegaswegelang go lema bo amilwe ke mosadi yono yo ba sa mo itseng yo go leng thata go mo tlhaloganya. A isagwe e e sa itumediseng e Eden e tlileng go nna le yone ke e Dome le yone e tlileng go nna le yone?
Tikologo eno e e leng lefelo la boswa jwa lefatshe lotlhe ke lefelo le le tshwanelegelang thata gore kgang e e gapang maikutlo eno e diragalele mo go lone. Mme le mororo setlhogo se go buiwang ka sone mo go yone e le tshomarelo ya tikologo, eno ga se padi e e buang ka ikholoji kgotsa padi e e buang ka tsa temo. Ke kgang ya lerato, mme padi eno ga se padi ya lerato, e bile gape ke kgang ka baša, le fa gone e se kgang e e kwaletsweng baša.
Verbrande paradys ga se padi e e welang mo setlhopheng se se rileng sa dipadi, mme kgang ya yone e e tsayang ditsebe di le makgolo a le manè e e kwadilweng ke mokwadi wa Mo-Aforikanse e gapa mmadi maikutlo.
O setse a kwadile dikgatiso di le 150, mme dingwe tsa tsone ke makwalopaka a bosetšhaba le a boditšhabatšhaba, mmogo le dibuka di le dintsi tse di tlotlang ka tsela e dipuo di dirang ka yone. Ka 1978, mokwadi wa ditlhamane e leng Du Plessis o ne a golola kgatiso ya gagwe ya ntlha ya bolumu ya maboko, e leng Kleinwild. Morago ga yone, o ne a gatisa Gewete van glas, mme morago ga eo ga latela padi ya Grensgeval. Mo masimologong a dingwaga tsa somearobonngwe, go ne ga gololwa padi ya baša e leng Disse flippen stukkende wêreld dié, my ou. Ka 1995, go ne ga gatisiwa padi ya Bakgat, en wat dan van my, mme ka 1996 Ditsem, Dawid mme ka 2001 ga gatisiwa bolumo ya maboko ya Innie skylte vannie Jirre, e go setseng go rekisitswe dikhopi tsa yone di ka nna 60 000 - e leng palo e e kwa godimo go di feta tsotlhe ka puo ya Se-Aforikanse ya dibuka tsa puiso-kwalo e e kileng ya gatisiwa.
Ka Lwetse 2002, go ne ga gatisiwa bolumo ya maboko ya Griqua, e e bidiwang Boegoe vannie liefde, e dikhopi di le 10 000 tsa yone di neng tsa rekisiwa mo ngwageng wa yone wa ntlha. Ka 2003 go ne ga tlhagisiwa buka e potlana, e e bidiwang Hie neffens my, e e nang le ditshwantsho e e kwadilweng ke Heleen Theron. Ka Lwetse 2004 go ne ga gatisiwa Splinters, e ditlhogo dingwe tsa tsone di neng di tlhophilwe go tswa mo dikholomong.
Burnt paradise (Paradaese e e &#353;eleng), (Link: /opencms/export/system/galleries/pics/nwu-news/Internet_20_Februarie_2009_pics/final_cover.jpg.pdf) e leng padi ya bošeng e e kwadilweng ke Porofesa Hans du Plessis, e gakolola motho ka dipadi tse dintsintsi tsa ga Dalene Matthee. Go lebega kgang ya yone e e mo ditsebeng di le makgolo a le manè e tlile go gapa babadi mogopolo le go ba ama maikutlo.
<fn>NWU-NEWS. News226.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Porokerama ya QRM(Quantitative Risk Management) ya Onase ya BSc ya Senthara ya BMI (Business Mathematics and Informatics®) ka mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima e amogetse temogo go tswa go mebeleng e mebedi ya boithutelo ya taolo ya tekeletso ya boditšhabatšhaba e e leng ya PRMIA(Professional Risk Manager's International Association) le ya ERM-II(Enterprise Risk Management Institute International. Gape le mokaedi wa Senthara ya BMI, Moporof PJ de Jongh, o boditswe go emela ASSA(Actuarial Society of South Africa) kwa Komiting ya Lenaanethuto ya Lefatshe ya ERM.
PRMIA (leba kwa http://www.prmia.org/ (Link: http://www.prmia.org/)) e dumetse porokerama ya katiso ya Onase ya BSc ya QRM mo kgaolong ya 1 le 2 mo porokerameng ya bone ya porokerama ya bone ya kwadiso ya PRM. Porokerama ya Onase ya BSc ya QRM ke ya boraro fela mo lefatsheng go fiwa kwadiso le temogo e. Pele ga kamogelo e tse di amogetseng kwadiso ke tsa Senthara ya ICMA kwa Yunibesiting ya Reading (kwa UK) le ya Senthara ya Applied Finance kwa Yunibesiting ya MacQuarie (kwa Australia) tse di amogetseng kemo e mo diporokerameng tsa bone tsa MA tsa Taolo ya Tekeletso le ya Ditšhelete tse di Dirisitsweng. Porokerama ya kwadiso ya PRM™ (Professional Risk Manager) ke kemo le boleng jwa lefatshe ka bophara ya kwadiso le temogo ya baeteledipele ba baithutedi ba tekeletso ya taolo ya ditšhelete. Ka e dumelwa ke dikgwebo tse di etelelang pele le diporokerama tse di etelelang pele tsa didikerii, e tsenya baithuti go feta mafatshe a mantsi go feta porokerama e nngwe le e nngwe ya balaodi ba tekeletso.
ERM-II (leba kwa http:/www.ermii.org/) e bopilwe ke setlhopha sa diyunibesiti sa boditšhabatšhaba, bontsi go tswa kwa USA, ka tsepamo mo thutong, patlisisong le katiso ka mo thulaganong ya ERM(Enterprise-wide risk management). ERM-II e tlhometswe ka maikaelelo a go arabela ditlhokego le dikgwetlho tsa baithutedi ba bokamoso ba tekeletso balaodi ba ERM mme tsepamo ke go lebelela thata tsa baithutedi ba bagakolodi. Palo ya mekgatlho ya bagakolodi ba ema nokeng ditiro tsa ERM-II jaaka ya Society of Actuaries kwa USA, le Casualty Actuarial Society kwa USA, le Institute of Actuaries kwa Australia.
Go ka kgona go bona kwadiso le temogo, ditheo ka bobedi tsa PRMIA le ERM-II di ile tsa atlhola boleng jwa diporokerama tsa patlisiso ya tekeletso tsa Senthara ya BMI, le boleng jwa diporokerama tsa katiso ya tekeletso le boleng jwa batlhatlheledi ba ba rutang diporokerama(ka di-CV tsa bone) le tirisanommogo le intaseteri ya ditšhelete.
Fela maloba ASSA(Actuarial Society of South Africa), go tsamaya ka moporesitente wa one, Mor Garth Griffin o thapile Moporof Riaan de Jongh, mokaedi wa Senthara ya BMI, go emela ASSA mo Komiting ya Lenaanethuto ya Lefatshe ya ERM mo Mokgatlhong wa Boditšhabatšhaba wa Bagakolodi mo Lefatsheng. Mo lefatsheng bagakolodi ba simolola ba tsaya karolo mo taolong ya tekeletso mo dikarolong tse dintsi mme maikaelelo a a Lenaanethutong la ERM ke go tlhabolola maemo le diteng tsa porokerama ya katiso ya baithutedi ba batseneledi ba bagakolodi.
Go ya ka Moporof De Jongh, kwadiso le temogo go tswa kwa go PRMIA le ERM-II le temogo ya ASSA ke bopaki jwa gore porokerama ya katiso ya tekeletso ya Senthara ya BMI le Yunibesiti ya Bokone-Bophirima, di itlhaotse baeteledipele mo Aforika Borwa mme ba lekana le baeteledipele ba mo lefatsheng. Se se ne se ka se diragale kwa ntle ga thuso le matsapa tsa badiri ba ba boleng ba dirutwa tsa mananepalo, ikonomi, palotlotlo, dipalo le saense ya dikhomphutara le thata, Balaodi ba YBB.
Ditiro tse dingwe tsa Senthara ya BMI ke jaaka go maketa dithulaganyo tse di tlhabolotsweng ke Moporof Dawie de Jongh (UltimateAlpha: to fund managers in the UK) le Moporof A de Waal (AutoGann: to banks in the UK). Moporof Machiel Kruger gantsi o etela kwa Yuropa go ruta dikhoso tsa Ditekanyo tsa Ditekeletso, kumo ya SAS le fela maloba moithuti wa MA wa BMI, Eddie King, yo o feditseng porojeke ya gagwe ya patlisiso e e lebeletseng intaseteri kwa Barclays kwa London. Mor Ian Wilson (Barclays, Group Credit Risk) o bokile Eddie ka go re ene ke moithuti wa MA yo a gaisitseng botlhe ba a kileng a na le tlotlo ya go dirisana le bone.
Go tlhokega gape gore go elwe tlhoko gore ABSA (karolo ya setlhopha sa Barclays) e santse e ema nokeng thata porokerama e ka kabelo ya ditšhelete tsa tiragatso ya porokerama ya dibasari tsa gore go fetse baithuti ba ba 10 ba MSc ka ngwaga le go tlhomela porokerama ya patlisiso ya tiragatso ya tekeletso. Setheo sa SAS gape e tlhometse laboratoriamo e ba e bitsang RiskLab ka mo Senthareng ya BMI. Ka tshwanelo, bontsi jwa ditiro tsa go porokerama tsa baithuti di diriwa ka mo SAS mme se se dira gore tlhwatlhwa ya baithuti ka mo mmarakeng e oketsege, ka lebaka la gore ditharabololo tsa SAS di dirisiwa thata ka mo tikologong ya tirelo ya ditšhelete.
<fn>NWU-NEWS. News227.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Mosadi yo o nang le maitemogelo yono wa mmega dikgang yo o neng a tuma mo tirong ya gagwe ya go bega dikgang mo dikuranteng tsa Aforika Borwa o ne a ithutela bobegadikgang lekgetlo la ntlha kwa Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU) dingwaga di le dintsi tse di fetileng. Mohumagatsana Anne-Marie Mischke, e leng motlatsa-motseleganyi mogolo wa Rapport yo o rotseng tiro bošeng jaana, o ne a ikwadisa jaaka moithuti wa ngwaga wa ntlha kwa Potchefstroom University for Christen Higher Education (PU for CHE) ya maloba, a ikwadisetsa gerata ya saense ya bobegadikgang ka 1962. Mo ngwageng wa gagwe wa bobedi, o ne a swetsa ka gore a dire patlisiso ka dipuo a dirisa Aforikanse-mme o ne a dira patlisiso ka dipuo tsa kwa Netherlands le Jeremane.
Morago ga seno, o ne a ikwadisetsa dipoloma ya morago ga lekwalo la boalogane la saense ya laeborari mme fa a sena go bona ditshwanelego tseno tse pedi, o ne a ya kwa Rand Afrikaans University (RAU) ya maloba kwa a fitlhileng a wetsa gerata ya gagwe ya onase teng mo thutong ya saense ya laeborari. E ne e le ene moithuti wa morago ga lekwalo la boalogane go nna leloko la yunibesiti e ntšha eno ya Aforikanse kwa Johannesburg, kwa Gauteng mme ka nako ya dithuto tsa gagwe teng koo, o ne a dira mo laeboraring ya setheo seno.
Fa a sena go bona gerata ya gagwe ya onase, o ne a gatela pele ka go ya Jeremane koo nngwe ya ditiro tse a fitlhileng a di dira teng e neng e le go direla mo bodirelong - e leng sengwe se BA-Aforika Borwa ba le bantsi ba neng ba sa akanye go se dira mo dingwageng tseo. Fa a sena go boela kwa nagagaeng ya gaabo o ne a "ikutlwa a sa ntse a rata" bobegadikgang. Moagi yono yo o kileng a bo a nna kwa Klawerhof o ne morago ga moo a tsenela bobegadikgang mme a fetsa dikgwedi di le somerobedi a kwala dipego tse di neng di balwa mo radiong ya South African Broadcasting Corporation (SABC). E ne e le ka dingwaga tsa fa go ne go ise go nne le thelebišene.
Morago ga moo o ne a nna leloko la lefapha la basadi la Bateransefala. O ne a tlhalosa tshimologo ya gagwe ya pego ya sepolotiki a re ke "tshekamelo fela ya tlholego" ya go nna mmegadikgang wa sepolotiki. Sa ntlha, o ne a dira dipego ka tsa sepolotiki tsa lekgotlatoropo, mme morago ga moo tsa akaretsa dipego tsa mo porofenseng le tsa mo nageng yotlhe.
A re mo dingwageng tseo, go ne go ise go nne le babegadikgang tsa sepolotiki ba basadi, mme go goroga ga gagwe kwa kagong ya bobegadikgang kwa palamenteng - jaaka motho yo o buang Aforikanse e bile e le mosadi - e ne e le selo se se sa tlwaelegang. Ka lesego, Mohumagatsana Helen Zille, yo ka nako eo e neng e le mmegadikgang tsa kuranta ya letsatsi le letsatsi ya Seesemane, e leng Rand Daily Mail, o ne a dira tiro e e tshwanang le ya gagwe.
E ne ya nna mo kagong eno ya bobega dikgang e Mohumagatsana Mischke, yo moragonyana a neng a direla Rapport, a neng a bona ditiragalo tse dikgolo tsa sepolotiki mo dingwageng di le masome a le mmalwa a a fetileng. Ka sekai, o ne a le teng koo fa National Party (NP) e ne e thubega mme go bo go tlhamiwa Conservative Party (CP), o ne a le teng koo fa go ne go dirwa kitsiso ya go amogelwa semmuso ga African National Congress (ANC) e bile o ne a le teng koo fa FW de Klerk le Nelson Mandela ba ne ba tsena mo palamenteng lekgetlo la ntlha.
Ka go dira jalo le ka go kwala dipego tse di boteng jaaka mmegadikgang wa sepolotiki, go ya ka barutegi, Mohumagatsana Mischke o ne a itshupa e le mokwadi yo o nang le temogo le yo o thusitseng fela thata gore batho ba le bantsi ba tle ba utlwiwe fa ba tlhalosa maikutlo a bone ka Aforikanse.
Fa Porofesa Jakes Gerwel a ne a akgola Mohumagatsana Mischke, o ne a re o thusitse mo go direng gore kholomo ya Aforikanse mo kuranteng ya Rapport e nne e e tlhomologileng mo go tse dingwe le e e sa tlhaoleng. Porofesa Hermann Giliomee, e leng mmatlisisi le mokwadi wa hisitori go tswa kwa Stellenbosh, o ne a mo akgolela seabe sa gagwe se se botlhokwa le se se nang le maikarabelo se a nnileng le sone lobaka lo lo leele mo tirong ya go bega dikgang mo kuranteng ka Aforikanse gore a thuse mo go atoloseng le mo go direng gore dikgang di kgone go begwa ka Aforikanse. "E ne e se motho yo o phaphang. Ka bonolo jwa gagwe, o ne a thusa mo go direng gore maikutlo a batho ba bangwe a utlwiwe ka Aforikanse," o ne a bua jalo fa a ne a mo akgola.
Go ya ka Mohumagatsana Mischke, o tlile go ipoloka a tshwaregile ka go dira tiro ya go ranola le go tseleganya. Mme o setse a letetswe ke dikabelo tsa ntlha tsa tiro.
<fn>NWU-NEWS. News228.2009-12-02.tn.txt</fn>
Maloko a badiri ba HART a ne a kopana le Porofesa Luc van Bortel mo dikhonkereseng tsa nako e e fetileng mme a swetsa ka gore a mo laletse gore a tle mo Aforika Borwa. Porofesa van Bortel ke mmatlisisi wa boditšhabaitšhaba wa go itira dikgoto ga madi mo ditshikeng yo o itsegeng mo lefatsheng lotlhe mme o kile wa tshwara kokoano ya go tlhabana botlhale ka tsela e ditshika tsa madi di agegileng ka yone le tiro ya tsone, mme ba ba neng ba le teng mo go yone e ne e le maloko a badiri go tswa kwa lefapheng la disaense tsa pholo.
Go ya ka Porofeas Alta Schutte, yo e leng moeteledipele wa porojeke ya HART, Porofesa van Bortel o ile a supa gore a ka rata go thusa yunibesiti gape mo isangwe ka tiro e ntšha eno eo e e dirang.
Go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng: Ngaka Rudolph Schutte, Rre Ruan Kruger, Porofesa Hugo Huisman, Mohumagatsana Carla Fourie, Boporofesa Schutte, Luc van Bortel, Leoné Malan, Nico Malan, Mohumagatsana Lisa van Lill, Ngaka Szabolcs Peter, Mohumagatsana Lanthe Palmer le Porofesa Johannes van Rooyen.
<fn>NWU-NEWS. News229.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU) jaanong e ipaakanyeditse go lebana le dikgaogo dipe fela tsa motlakase tse di ka nnang tsa nna gone kwantle ga go latlhegelwa ke diura tsa tiro, tsa mo tlelaseng kgotsa nako ya go dira patlisiso.
Bošeng jaana Mookamedi wa Khamphase e leng Porofesa Annette Combrink o ne a tsenya tirisong tsamaiso ya go tsosa motlakase fa o ka kgaoga ka tshoganyetso. Tsamaiso eno e e nang le ditlamela ka motlakase di le thataro tsa Cat tse di tsosang motlakase fa o ka kgaoga ka tshoganyetso tse nngwe le nngwe ya tsone e nang le maatla a a kana ka 1 100kVA, a a fitlhang go 6600kVA (6,6MVA) fa a kopantswe otlhe, e tlhomologile tota mo Aforika Borwa ka gonne e ka kgona go tlamela mafelo a le mararo a a farologaneng ka nako e le nngwe fela. Dijenereitara tse thataro tseno di ka kgona go dirisiwa e le nngwe ka nako, go ikaegile ka gore motlakase o tlhokega kwa karolong efe ya kago. Seteišene-segolo sa mo khamphaseng le sone se ile sa tlhabololwa gore se kgone go dirisana sentle le tsamaiso e ntšha eno.
Fa motlakase o ka tingwa ke lekgotlatoropo, dijenereitara di tla simolola go bereka di bo di dirisana le seteišene-potlana go thusa ditlamela-ka-motlakase tsa mo khamphaseng ka bongwe ka bongwe ka tatelano ya gore ke lefelo lefe le le tlhokang motlakase pele ga a mangwe.
Go tsog ga motlakase ka tsela eno go tshwanetse ga wediwa mo metsotsong e le tlhano. Go tsoga ga motlakase wa lekgotlatoropo mo khamphaseng go tla direga kwantle ga gore o o tlamelwa ke dijenereita tsa rona o time pele.
Fa Eskom e ka boa gape e simolola thulaganyo ya go imolola motlakase, mme re itse gore seno se tlile go direga ka dinako dife, tsamaiso ya go tsoga motlakase fa o ka kgaoga ka tshoganyetso e tla baakanyediwa seno go sa le gale gore e tsose motlakase kwa ntle ga gore o kgaoge pele. Kgaso ya thelebišene ya metshameko ya Sejana sa Yunibesiti e gaswa kafa tlase ga thulaganyo eno. Supersport e kopile gore metshameko e e gasiwang ka tlhamalalo mo maitseboeng wa Bo-Mantaga e gaswe go dirisiwa thulaganyo eno ya go tsosa motlakase fa o ka kgaoga ka tshoganyetso go tlhomamisa gore ga go kitla go nna le go tima gope ga motlakase ka nako ya dikgaso.
Gape, tsamaiso ya go tsosa motlakase fa o ka kgaoga ka tshoganyetso e tsentswe ditanka tsa disele tsa dilitara di le 23 000.
Rre Louis van der Ryst, Mokaedi wa Tlhabololo ya Dikaog le Dithulaganyo a re badirisi ba motlakase ba tshwanetse gore ba se ka ba lebala gore tsamaiso eno ke e e dirisediwang fela go tima ga motlakase ka tshoganyetso. Gone jaanong jaana, khamphase e dirisa maatla a a ka fitlhang kwa go 8,5MVA, mme tsamaiso ya go tlamela ka motlakase fa o tima ka tshoganyetso yone e ka tlamela fela ka maatla a a fitlhang kwa go 6,6 MVA. O kopile badiri gore ba dirise fela didirisiwa tse ba di tlhokang ka nako ya fa motlakase o kgaogile ka tshoganyetso le go tima didirisiwa ts dingwe tse di jaaka difetlha-mowa o o tsididi tsa motlakase. Go eletswa gore didirisiwa tse di ka kgonang go senngwa ke go kgaoga ga motlakase di tsenngwe UPS, ka gonne go motlakase o lekgotlatoropo le tlamelang ka one o kgaoga go sa lebelelwa.
Porofesa Annette Combrink o lebile diphanele tsa dijenereita tse di tsosang motlakase fa o ka kgaoga ka tshoganyetso tse di tsentsweng mo Khamphaseng ya Bophirima.
Ditlamela ka motlakase di le thataro tsa Cat tse di tsosang motlakase fa o ka kgaoga ka tshoganyetso tse nngwe le nngwe ya tsone e nang le maatla a a kana ka 1 100kVA, a a fitlhang go 6600kVA (6,6MVA) fa a kopantswe otlhe, pelenyana fela ga fa di tsenngwa mo kagong ya Khamphase ya Bophirima.
<fn>NWU-NEWS. News23.2009-12-02.tn.txt</fn>
Moithuti wa pele wa Afrikaans Hoërskool Sasolburg o abetswe go nna moithuti yo o gaisitseng wa MBA wa Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom (Potchefstroom Business School - PBS) sa Yunibesithi ya Bokone-Bophirima.
Mrs. Judy Cilliers (28), morerisane wa supply chain wa Sasol Ltd. o amogetse mmentlele wa gauta wa Old Mutual jaaka moithuti yo o nang le maduo a a gaisang mo dingwageng tse tharo a ithutela dithuto tsa MBA gammogo le mmentlele wa selefera wa sekwalwa se se gaisang mo setlhopheng sa bona sa go ithuta go tswa go ba Professional Provident Society.
Ka Labotlhano, 6 Motsheganong 2005, PBS e ne e le beng-moletlo wa ngwaga le ngwaga wa go direla badikerii ba MBA dijo tsa bosigo koo go neng go abiwa dikabo tse di farologaneng.
Palogotlhe ya dikerii di le 158 tsa MBA di ne tsa neelwa go sa le gale ka letsatsi la Moletlo wa Dikapeso tsa MBA kwa Khampaseng ya Potchefstroom.
Mokhuduthamaga-mogolo wa ga jaana wa Fraser Alexander, Mr. Lambert van der Nest (37), yo e leng mopakakgwebo le mongkgwebo, o amogetse kabo e e kgethegileng ya tlotlo ka ntlha ya seabe sa gagwe se se botlhokwatlhokwa mo tsosolosong ya ikholoji mo Aforika Borwa.
Jaaka moithuti wa pele wa Potchefstroom University for Christian Higher Education (PU for CHE) o amogetse gape kabo ya diphitlhelelo tse di gaisang go feta ka 2001 fa a digela dikerii ya gagwe ya MBA.
Ka 2000, Cilliers, yo o falotseng materiki wa gagwe ka dinaledi di le tlhano, o ne a abelwa kabo ya go nna moithuti yo o gaisitseng wa B. Sc. O bone dikerii ya gagwe kwa yunibesithing ya pele ya PU for CHE ka Dianaledi (CumLaude).
Ditiro tsa gagwe mo maemong a gagwe a ga jaana kwa Sasol Ltd. di akaretsa tlhabololo ya mafaratlhatlha a rolling Supply Chain go ba Sasol.
Setlhogo sa sekwalwa sa gagwe ke Investment Potential assessment: An Analysis Model.
Go ya ka Prof. Tommy du Plessis. Mokaedi wa PBS, sekolo se itlama go tswelela go neelana ka ditharabololo tse di diragatsegang tsa kgwebo le go ruta bakaedi go nna le seabe mo tlhabololong e e atlegileng ya ikonomi ya Aforika Borwa.
Mo moletlong wa maemo a a kwa godimo oo neng o tshwerwe palogotlhe ya baithuti ba MBA ba le 22 ba ba weditseng dithuto tsa bona ba ne ba abelwa dikabo go ya ka diphitlhelelo tsa bona tse di farologaneng.
Mrs. Judy Cilliers, morerisane wa chain supply kwa Sasol Ltd. ke moithuti yo o gaisitseng wa MBA wa 2004 wa Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom mo Yunibesithi ya Bokone-Bophirima. O amogetse dikabo tse di farologaneng kwa moletlong wa dijo tsa bosigo ka Labotlhano. Ba ba nang le ena go tswa ka fa molemeng ke boproff. Tommy du Plessis, Mokaedi wa PBS, Annette Combrink, Moreketoro wa khampase ya Potchefstroom, Deon de Klerk, Deon de Klerk, Modini wa Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi le Dr. Theuns Eloff, Motlatsa-Mokanseleri.
<fn>NWU-NEWS. News230.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Mongwe wa baithuti ba mo YBB wa onase ka mo Sekolong sa Ikonomi, Carike Claassen, o biditswe leina go tsena mo maemong a bobedi mo Kgaisanong ya Tekanyetso ya Nedbank Old Mutual ya 2008.
Carike o fentse kabelo e ya tlotlo e ka athikele e a e kwadileng ngwaga e e fetileng. Gape o ne a tshwanetse go emela ditherisano tsa phanele ya barerisani. Kgaisano e ya setšhaba e tshwariwa ngwaga le ngwaga mme kabelo ya madi ke R15 000 e a e amogetseng ka ditiro tsa gagwe.
Barulaganyi ba tlhophile serutwa sa Ikonomi go tshwarela kgaisano e ya ngwaga le ngwaga. Baikwadisi ba tshwanetse go kwala tlhamo mo ba arabang dipotso mme ba dire le ditshitshinyo tsa gore bone ba ka baya jang tekanyetso ya Aforika Borwa.
Moporof Wilma Viviers, Mokaedi wa Sekolo sa Ikonomi, a re kgaisano e ke kgwetlho le phaphamiso e kgolo mme ngwaga le ngwaga baithuti ba tlhotlheletswa go ikwadisa mo kgaisanong e. Ngk Riaan Rossouw le Moh Jacky van der Merwe ba thusitse baithuti go baakanya ditekanyetso tsa bone mo bofelong. Ngk Rossouw o ne a tsamaile le Carike kwa puong ya tekanyetso mme o boleletse gore o itlhaotse ruri ka ditherisano le barerisani mme o ne a le moemedi wa YBB PUK yo o kgatlhisitseng thata.
Moporof Viviers o rile gore mongwe le mongwe ka mo Sekolong sa Disaense tsa Ikonomi le Taolo ba tlotla Carike thata ka tiro ya gagwe.
<fn>NWU-NEWS. News231.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Baithuti ba mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima(YBB) ba baakanyetsi ba Kerafo, Carien Roberts, Adele Jonker le Nadia Roodt ke baithuti ba bararo mo go ba batlhano ba ba tlhophilweng go tsaya karolo mo Kgaisanong ya Kakanyetso ya Diphuthelo ya Nampak.
Kwadiso ya baithuti ka mo kgaisanong e ke ka kopo fela. Go tlhophiwa ga baithuti go tsamaisana le dikatlego tsa baithuti ka mo dikabelong tsa IPSA(Institute of Packaging SA) tsa Dikabelo tsa Phuthelo ya Gauta tsa Baithuti. E ne e le ka Dikabelo tsa Phuthelo ya Gauta tsa Baithuti tsa 2008 mo Carien Roberts a amogetseng katlego ya Propack Gold overall in design category Award mme gape o fentse karolo ya diphuthelo tsa tlhokomelo ya meno. Adele Jonker ene o fentse kabelo ya Propack Bronze overall in design Award mme gape o fentse le karolo ya diphuthelo tsa Nando's, mme Nadia Roodt o fentse kabelo ya meriti ka mo go yone karolo e.
Pontsho ya makgaolakgang ya mo Kgaisanong ya Kakanyetso ya Diphuthelo ya Nampak ya dipopo le dikakanyetso tsa bafenyi e tla tshwarelwa kwa Design Indaba Expo go tloga ka Tlhakole 27 go Mopitlwe 1, 2009, mme gape di ka gatisiwa ka mo makasining ya Design Indaba.
Baithuti ba ba neng ba kopilwe go tsaya karolo ba tla bona mosola gape go ithuta le go bona lesedi la bokamoso le boiphediso jwa go nna baakanyetsi ka mo tikologong ya dipopo tsa diphuthelo. Ba ka oketsa dipotefolio tsa bone mme ba ka bontsha bokgoni jwa bone mme go ka thusa gape go bopa dikakanyetso le dipopo tse di boleng.
Setshwantsho: Go tswa mo molemeng go na le Adel Jonker, Carien Roberts le Nadia Roodt.
<fn>NWU-NEWS. News232.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Dikonteraka tse pedi tsa madi a kana ka dimilione R10 di saenilwe ke Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) le Palama(Public Administration Leadership and Management Academy) go ka tlhatlhela katiso ya baeteledipele ba batlhankedi ba mmuso.
Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ke setheo se se kaelang tsela ya katiso ka mo diporofenseng di le thataro mo go di le robongwe. Dikgobokanyo tse dingwe tse pedi tsa ditheo tsa thutogodimo tse di tla katisang diporofense tse dingwe ke diyunibesiti tsa Nelson Mandela Metropolitan University le ya Vaal University for Technology.
SSGS(School of Social and Government Studies) se buisane ditumelano tse tsa go katisa baeteledipele ba bagolo ba batlhankedi ba mmuso ka mo mebusong ya diporofense. Palama ke mmele wa mmuso ka mo Lefapheng la Ditirelo le Tsamaiso ya Mmuso le le nang le boikarabelo jwa go rulaganya le go tlhatlhela katiso le go aga bokgoni jwa ditirelo tse di bophara tsa mmuso.
Palo ya badirammogo ba SSGS ba ne ba tsamaile le Moreketoro wa Khamphase, Moporof Annette Combrink, ka nako ya go ya go saena dikonteraka kwa Tshwane.
Diporokerama tsa katiso di tloga di simolola ka mo ditikologong tsa bokone le bogare tse di tsenyang diporofense tsa Bokone-Bophirima, Foreisetata, KwaZulu-Natal, Gauteng, Mpumalanga le Limpopo.
Ofisi ya Dikhoso tse Khutshwane e tlhometswe ka mo SSGS mme e ka na le tiro ya go rulaganya le go tsamaisa dikhoso tse le diporokerama tsa dikhoso, tse di tsamaisanang le diporokerama tsa akatemi tsa SSGS tse dingwe tsa go amogedisa lotseno la kelelo ya boraro. Mor Willem Mostert o thapilwe go nna molaodi wa ofisi e le go nna molaodi wa porojeke ya Kgobokantsho ya YBB (dikarolo tsa bokone le bogare) mme Moh Marli Moolman o thapilwe go nna tlhogo ya tsa lojesetiki le tsamaiso ya ofisi.
Moporof Annette Combrink (Moreketoro wa Khamphase ya Potchefstroom ya YBB), Ngk Mark Orkin (Mokaedikakaretso wa Palama), Moporof Leon Fourie (Modini Khudutamaga wa Disaense tsa Taolo kwa University for Technology mme gape ke moemedi wa Kgobokantsho ya VUT wa setšhaba) le Christo van Loggerenberg (Motlatsamokhanseleri: Akatemi kwa Nelson Mandela Metropolitan University mme gape ke moemedi wa Kgobokantsho ya NMMU - tikologo ya borwa) ka nako ya go saena dikonteraka kwa Tshwane.
Bangwe ba maloko a badirammogo ba mo YBB ba ba neng ba le teng ka nako ya go saena dikonteraka le Palama. Kwa morago go na le Moporof Johan Zaaiman (Mokaedi wa SSGS), Moporof Mariëtte Lowes (Motlatsamoreketoro wa Akatemi wa YBB Puk), Mark Orkin (Mokaedikakaretso wa Palama), Moporof Annette Combrink (Moreketoro wa Khamphase ya YBB Puk), Moporof Jan Swanepoel (Modini wa Legoro la Atshe wa mo YBB Puk), Moporof Gerrit van der Waldt (Taolo le Puso ya Batho - Khamphase ya Potchefstroom) le Moh Louise Lepan (Mokaedimogolo wa Diporokerama tsa Tlhabololo ya Dikhuduthamaga kwa Palama). Mo pele go na le Mor Willem Mostert (Molaodi wa Ofisi ya Dikhoso tse Khutshwane ka mo SSGS(School of Social and Government Studies)mo Khamphaseng ya Potchefstroom) le Moh Marli Moolman (tlhogo ya tsa lojesetiki le tsamaiso ya ofisi e).
<fn>NWU-NEWS. News233.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Leina la moithuti mongwe wa nako e e fetileng wa Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU), yo o tlhalosiwang e le mankge mo go tsa thekenoloji ya tshedimosetso mo Aforika Borwa, jaanong le ka nna la umakiwa mmogo le la ga Charlize Theron, morago ga gore a ikgapele awate ya boditšhabatšhaba e mongwe le mongwe a ntseng a e meletsa mathe.
Awate ya bošeng jaana ya LEO e e teeletsweng leina ka dirweboleta tsa kgwebo saense ya dikhomphiuta (The Lyons Electronic Office), e ne ya tshwarwa ka nako ya Khonferense ya Boditšhabatšhaba ya Tsamaiso ya Tshedimosetso.
Porofesa Roode o ile a thusa go tlala seatla mo lefapheng la kgwebo mmogo le mo go tsa thuto. Gape o kile a nna porofesa wa lefapha le le neng le sa tswa go tlhomiwa kwa Rand Afrikaans University (RAU) ya maloba la saense ya dikhomphiuta fa e sa le ka 1971.
Morago ga moo, o ne a fudugela kwa University of Pretoria (UP) koo a fitlhileng a nna mokaedi wa ntlha sekolo sa yunibesiti eno sa thekenoloji ya tshedimosetso.
Ka nako ya go abiwa ga diawate, Porofesa John King wa Yunibesiti ya Michigan o ne a re Porofesa Roode e ne e le ene mosimolodi wa tiro ya go dira gore tsamaiso ya tshedimosetso e nne serutwa se se botlhokwa mo go tsa thuto mo kgaolong ya borwa jwa Aforika. Ka go dira jalo, go ne ga kgonega gore batho ba ba leng mono ba golagane le ba ba leng ka kwa bokone jwa ikweita.
<fn>NWU-NEWS. News234.2009-12-02.tn.txt</fn>
Mafikeng - Babatlisisi ba le bararo ba boditšhabatšhaba go tswa kwa ditheong tse di farologaneng ba ne bošeng jaana ba etela Khampase ya Mafikeng ya Ynibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU) go ya go tlhaba baithuti ba Yunibesiti botlhale.
Porofesa Tasawar Hayat go tswa kwa Yunbesiting ya Quaid-i-Azam kwa Pakistan, Porofesa Anjan Biswas go tswa kwa Setheong sa Patlisiso le Thuto mo go tsa Optical Sciences and Applications, wa Delaware State University kwa United States of America (US) le Porofesa Gazanfar Unal go tswa kwa Yeditepe University, Istanbul, Turkey ba ne ba tshwaretse badiri le baithuti diseminara tsa International Institute for Symmetry Analysis and Mathematical Modelling (IISAMM).
Go ya ka Porofesa Masood Khalique, Tlhogo ya IISAMM, mmatlisisi wa boditšhabatšhaba, e leng Porofesa Hayat go tswa kwa Yunibesiting ya Quaid-i-Azam, o ne a thusa baithuti ba gagwe ba babedi ba Masetase go tlhama didirisiwa tsa dipeipi tse go elelang dilo mo teng ga tsone tse di dirwang ka go dirisa Dipalo, tse di ka kgonang go dirisiwa mo madirelong a a farologaneng. Porofesa Hayat o ne a tshwarela baithuti le badiri mo setheong seminara ya Go bopa dilo ka tiriso ya dipalo le dilo tse di elelang ka go dikologa.
"Ka kgwedi ya Ngwanaatsele wa ngwaga o o fetileng, Porofesa Biswas go tswa kwa Delaware State University le ene o ne a etela Khamphase. Porofesa Biswas, go tswa kwa Lefapheng la Applied Mathematics and Theoretical Physics, o ne a tshwara diseminara tse pedi ka "Optical Soliton Perturbation in a non-Kerr law Media" le "Perturbation of topological Solitons."
O ne a gakgametse tota go bona ka fa baithuti (ba onase, Masetase le ba Bongaka) ba neng ba le botlhale ka gone.
Porofesa Unal, go tswa kwa Yeditepe University, o neetse puo ka "Derivative Pricing 1: Black-Scholes Equation" le ka "Derivative Pricing 2: Bond pricing Equation" e e neng e reeditswe ke badiri le ke baithuti ka Sedimonthole. Pampiri ya setlhogo se se reng "Explicit solution processes for non-linear jump-diffusion equations" e ne ya romelwa kwa go ba ba gatisang dikgang,, kwa go ba Dikhomphiuta le kwa go ba ba Dirang ka Dipalo, gore e gatisiwe fa go kgonega.
"Porofesa Khalique o ne a tlhalosa a re, "IISAMM e batla go tlhama mokgwa wa go rotloetsa le go tlhaloganya Symmetry Analysis and Mathematical Modelling (SAMM) ka go golaganya patlisiso ya yunibesiti/go ruta le dilo tse di tlhokwang ke madirelo le matshwenyego a tsone, mmogo le go katsia baithuti go tsenela tiro eno."
Maikaelelo a seno ke go gatisa patlisiso e e itsegeng mo dinageng tsotlhe ya SAMM, go ngoka le go okamela baithuti ba patlisiso, le go itsiwe mo nageng e e leng mo go yone mmogo le kwa dinageng tse dingwe jaaka tikatikwe ya tiro ya maemo a a kwa godimo. O ne a tlhalosa gore, "Ga go kitla go nna thata go fitlhelela seno e re ka setheo se setse se dirisana mmogo le bomangkge ba ba leng mo nageng ya soe le ba dinaga di sele mo diporojekeng dingwe tsa bone."
Porofesa Khalique o ne a re, "Ke leboga Mookamedi wa Setheo ka kemonokeng le kgothatso mo Lefapheng la patlisiso mme ke solofela gore baithuti ba dikolo tse dikgolo mmogo le baithuti mo yunibesiting ba tla tsenela tiro ya rona ya bobatlisisi."
Porofesa Khalique o setse a etetse diyunibesiti di le dintsi kwa moseja - kwa Russia, USA le kwa Turkey - go ya go dira patlisiso kwa go tsone.
<fn>NWU-NEWS. News235.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Porofea Herrie van Rooy was Lefapha la Thuta-Bodumedi o laleditswe go tla go dira mmogo le ba bangwe mo porojekeng ya Yunbesiti ya Cambridge ya mekwalo ya kwa Siria e gone jaanong e bolokilweng kwa Berlin.
Lefapha la Thuto ka Tsa Bodumedi la Sekolo sa Dithuto tsa Dinaga Tsa Botlhaba le Tsa Se-Aforika kwa Yunibesiting ya Cambridge le ne le simolola porojeke e ntšha bošeng jaana e e bidiwang Laeborari ya Sekeresete ya Porojke ya Turfan.
Porojeke eno e dira ka mekwalo ya bogologolo ya dipuo tse di farologaneng e e neng ya bonwa mo motsesetoropong wa Turfan kwa China kwa bokhutlong jwa lekgolo la dingwaga la bo somerobonngwe e gone jaanong jaana e bolokilweng kwa Berlin. Letlha la mekwalo eno ya bogologolo ke ya lekgolo la dingwaga la bo somerobonngwe le la bolesome AD mme e tswa mo lefelong le ka nako eo go neng go nna Bakeresete mo go lone.
Go dirilwe khataluku ya mekwalo eno ya bogologolo mo porojekeng eno ka boikaelelo jwa gore go dirwe patlisiso e e oketsegileng ka yone. Ga go ise go gatisiwe dipe tsa dikabetla tsa mekwalo eno ya bogologolo. Mo gare ga mekwalo eno ya bogologolo go na le ya Sesiria e ka nna 300, e e kwadilweng ka se go tweng ke puo ya Kereke ya Se-Nesetoria le ya Dikereke tse dingwe tsa Dinaga Tsa Botlhaba. Kereke ya Se-Nesetoria e sa ntse e le teng gompieno, mme tse dingwe ke Kereke ya kwa Botlhaba, e e nang le maloko go tswa kwa Iraq, Turkey le dinaga di le mmalwatsa tsa Dinaga Tsa Bophirima. Se-Siria ke puo e e buiwang ke Ba-Semite e e buiwang kwa Dikerekeng dingwe tsa Dinaga Tsa Botlhaba e bile ke nngwe ya tsa ntlha tse Baebele e neng ya ranolelwa mo go tsone.
Go na le mekwalo mengwe ya bogologolo ya bolumo ya Dipesalema Tsa Siria Botlhaba tse di bonweng mo gare ga mekwalo eno ya bogologolo.
Gone jaanong jaana Porofesa van Rooy o tshwaragane le kgatiso e e botlhokwa ya mafoko a a tlhalosang ditshwantsho a Dipesalema Tsa Siria Botlhaba, mme o dirisa mekwalo ya bogologolo, segolobogolo ya lekgolo la dingwaga la borataro go ya go la bo sometharo. Setlhopha sa kwa Cambridge se kopile Porofesa van Rooy a dirisane mmogo le sone mo go tlhaole mafoko a a tlhalosang ditshwantsho mo dikabetleng tsa Dipesalema le go tsenya ditlhogo tsa mekwalo ya Se-Turfan mo tirong ya tlhabololo ya mafoko a a tlhalosang ditshwantsho a Dipesalema tsa Siria Botlhaba.
<fn>NWU-NEWS. News237.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU) le Free University kwa Brussels di saenile tumalano e maikaelelo a yone e leng go dira gore dikolo tse di potlana di nne le kitso e e atologileng ya gore tikologo e ka tlhokomelwa jang kwa sekolong.
Porofesa Luc Hens wa yunibesiti e e umakilweng eno a re boikaelelo jwa porojeke ke go naya dikolo mabaka a go bo di tshwanetse go dira gore go nne le tsamaiso ya go tlhokomela tikologo le gore sengwe sa dilo tse dingwe tse di tshwanetseng go dirwa ke baithuti le ke barutabana ke go laola ditsompelo tsa sekolo, e leng metsi, motlakase, ditshingwana le matlakala ka tsela e e nang le maikarabelo. Dikolo di ka nna someamarataro mo dikgaolong di le tharo tsa naga di tlile go nna le seabe mo porojekeng e e tlileng go tsaya lobaka lwa dingwaga tse tharo.
Porofesa Hense a re gape dikolo di tla rutwa go meta kgatelopele ya go tsenngwa tirisong ga thulaganyo ya go tlhokomela tikoloogo, e leng se gape se tla golaganang le patlisiso ka ga ditsamaiso tseno.
Mokaedi wa Sekolo sa dipatlisiso ka Kharikhulamo, e leng Porofesa Barry Richter, a re porojeke eno e naya sekolo tšhono ya go ithuta ka boemo jwa tikologo mo kharikhulamong ya sone, mmogo le go tlhokomela tikologo ka tsela e e nang le maikarabelo.
Porojeke eno e etleediwa ke lefapha la thuto la baagi la Flemish. Go setse go fetile dingwaga di le mmalwa go ntse go na le porojeke e e batlang e tshwana le eno e e bidiwang Milieuzorg op School (Tlhokomelo ya tikologo kwa Sekolong) kwa Flanders.
Tumalano e e dirilweng fa gare ga Free University kwa Brussels le Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU), e saeniwa ke Porofesa Luc Hens le ke mookamedi wa khamphase, e leng Porofesa Annette Combrink. Kwa Morago: Dr Schalk Raath wa Museumpark, leloko la boraro mo tumalanong eno, le le Porofesa Barry Richter, Mokaedi wa School sa dipatlisiso ka Kharikhulamo.
<fn>NWU-NEWS. News238.2009-12-02.tn.txt</fn>
VANDERBIJLPARK - Baemedi ba setšhaba le ba mo boditšhabatšhabeng ba setlhopha sa serutwa sa Molao wa Thuto ba etetse fela maloba kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB). Maikaelelo a kopano e ne e le go tlhomamisa tirisanommogo magareng a diyunibesiti le ditšhabatšhaba ka mo serutweng sa Molao wa Thuto.
Baakatemi ba ba neng ba etetse koo e ne e le Moporof Charlie Russo wa kwa Yunibesiting ya Dayton, Ohio le mosadi wa gagwe, Debbie le Moporof Rai Mestry wa kwa Yunibesiting ya Johannesburg (UJ).
Molao wa Thuto o lebelela mabaka a a tokafatsang temokerasi le mabaka a molao ka mo kgaolong ya dikolo le go direla pele go fokotsa kgethololo le kgatelelo le tirisompe ka mo dikolong.
Moporof Elda de Waal wa mo Khamphaseng o ne a tladitse tiro ya Moporesidente wa Mokgatlho wa Molao wa Thuto wa Aforika Borwa((SAELA) South African Educational Law Association) go tloga ka 2003 go 2008 mme jaanong jaana ke Motlatsamoporesidente.
Pinagare mo nakong ya Moporof De Waal mo nakong ya gagwe ya Moporesidente wa SAELA e ne e le go rulaganya kgatiso ya Jenale ya JJS-UOVS(Journal for Juridical Science) ya Molao wa Thuto ka 2009. Thomeletso ya SAELA (ya Moporof De Waal le Moporof Ralph Mawdsley wa kwa USA) ba ne ba kopilwe go tsaya karolo mo go kwaleng ga Kgatiso ya Kgopotso ya Tlolto ya Moporof Hans Visser (UP) e e tlogang e gatisiwa.
Yo mongwe wa baeng ba kwa boditšhabatšhabeng mo Khamphaseng tshwere dithapo tsa Moporofesara wa Tlotlo(Molao wa Thuto) ka mo YBB mme o etela Yunibesiti ngwaga le ngwaga.
Ka kgwedi ya Motsheganong Moporof De Waal o tla tsamaya leeto la patlisiso ya Molao wa Thuto kwa USA. Ka nako e o tla dirisana gaufi le Baporof Charlie Russo, Ralph Mawdsley le Nelda CambronMcCabe - botlhe ba kwa Yunibesiting ya Dayton, Ohio.
Morago ga kopano ya semmuso setlhopha se ile sa tsamaya leeto ka mo nokeng ya Vaal ka sekokobadi.
Ka mo pele go tswa molemeng go na le Moh Jeanine Keating (Moithuti wa MEd ya Molao wa Thuto), Moh Rina Landsberg, Mor Marius Smit, Moporof Elda de Waal (YBB Lekwa) le Moh Debbie Russo (USA). Kwa morago go tswa molemeng go na le Ngk Erika Serfontein (YBB Lekwa), Annamagriet de Wet, Elize Küng (Moithuti wa PhD Molao wa Thuto), Moporof Charlie Russo (USA), Moporof JP Rossouw le Moporof Raj Mestry wa kwa Yunibesiting ya Johannesburg (UJ).
<fn>NWU-NEWS. News239.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Sekolo sa Dipuo sa Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ke lefelo mo batho ba ba nang le bokgoni jwa go kwala e leng tlwaelo. Sekolo se ntsha sehuba ka bakwadi ba ba fetang palo ya 6 ya bakwadi ba ba itsegeng thata ba puo ya Seaferikanse.
Bakwadi ba ba itlhaola ka mekgwa e e farologaneng ya go kwala jaaka maboko, dikgankhutshwe, makwalo a bana le dibuka tsa akatemi.
Moporof Heilna du Plooy ke mmoki mme buka ya gagwe e e ntšhwa e bidiwa In die landskap ingelyf. Gape o fetotse maboko a a kwadilweng ka dipuo jaaka Seaferikanse, Seesimane le Seholane. Ene ke Moporofesara wa ditlhangwa tsa Seaferikanse le Seholane mme jaanong jaana ke ene modulasetulo wa setlhopha sa serutwa sa Seaferikanse le Seholane. Go fitlhela jaanong o setse a kwadile thata mme o kwadile le buka ya akatemi ya Verhaalteorie in die twintigste eeu.
Moporof Hein Viljoen le ene ke mmoki mme buka ya gagwe ya maboko e biditswe Holtrom en groot kabaal. Ene jaanong jaana ke Mokaedi wa Yuniti ya Patlisiso ya Dipuo le Ditlhangwa mo Bokaong jwa Aforika Borwa. Gape ene ke Moporofesara wa Ditlhangwa tsa Seaferikanse le Seholane.
Moporof Hans du Plessis, Mokaedi wa Sekolo sa go Kwala sa mo YBB, ke gone a fetsang go gatisa padi ya gagwe ya borataro. Ene ke mokwadi wa poposešwa yo o gatisitseng ka mo mefutafuteng ya ditlhangwa jaaka maboko (Kleinwild, Gewete van glas, Innie skylte vannie Jirre, Boegoe vannie liefde and Hie neffens my), porouse (Grensgeval, Skuiwelinge, le Verbrande paradys), dipadi tsa bašwa (Disse flippen stukkende wêreld dié, my ou; Bakgat en wat dan van my le Ditsem Dawid), terama ya Broerse le terama ya mmino ya Liefde en oorlog. Gape ene ke mokwadi wa dikholomo ka mo dikuranteng tse dintsi le ka mo dijenaleng tsa bosaense mme kgobokantsho ya makwalo e gatisitswe ka leina la Splinters. Gape ene ke mokwadi wa palo ya dibuka tsa puo jaaka Variasietaalkunde, Sintaksis vir eerstejaars, En nou Afrikaans Mme gape ene ke mokwadi wa diathikele tse di fetang 150 ka mo dijenaleng tsa mo setšhabeng le ka mo boditšhabatšhabeng. Padi ya gagwe ya bašwa e setse e gatisitswe gasome mme go setse go rekisitswe dikhopi tse di fetang 60 000 tsa buka ya gagwe ya maboko ya Innie skylte vannie Jirre mme ke rekoto ya kgatiso ya megopolo ya Seaferikanse?
Moporof Franci Greyling ene ke moitseanape wa atshe ya go kwala, ditlhangwa tsa bašwa le bana, tiriso ya inthanete le diporojeke tse di farologaneng tsa poposešwa ka mo bokwading tse di tswang mo dirutweng tse di farologaneng. Palo ya dibuka di le robedi tsa bošwa di setse di tswa peneng ya gagwe ka maina jaaka Die meisie van Melrosehuis le Vleuels soos die arende. Buka ya ditshwantsho, Formule drie, twee, een, ka popo ya ditshwantsho ka Vian Oeloefsen, e gatisitswe ka 2007. Palo ya maboko a gagwe a bana a tsentswe le one ka mo bukeng e e ntšhwa ya Kinderverseboek. Gape ene ke mobopi le motlhomedi wa Storiewerf, lefelo la wepe la bana le dibuka tsa bašwa le lefelo la go thusa bana ba dineo tsa bokwadi le poposešwa mo bokwading, le a setseng a e tlhokometse dilemo di le robongwe jaanong.
Moh Sophia Kapp ke Motlhatlheledi yo mošwa wa Bofetoledi le Boranodi go tloga tshimologo ya ngwaga. Ene ke mokwadi wa diterama tsa lorato tse di ratiwang tsa Seaferikanse (Die erflating, 'n Nuwe lente, Waar die hart is le Die tuiskoms). Ya botlhano re utlwa gore e gaufi le go fetswa.
Ka mo godimo ga ba botlhe ba, Modini wa Legoro la Diatshe, Moporof Jan Swanepoel, le ene ke mmoki yo o gatisitseng dibuka tsa gagwe le ene mme ke jaaka My Rome brand so mooi, Wat ver is en naby le By wyse van skrywe.
Mokaedi wa Sekolo sa Dipuo, Moporof Wannie Carstens, ene ke mokwadi wa dibuka tsa akatemi mme le jaanong jaana o kwala ya boraro ya Teksredaksie, e a e kwalang ka tirisanommogo le modirammogo wa gagwe wa akatemi wa kwa Yunibesiting ya Antwerp kwa Belgium. Dibuka tsa gagwe tsa pele ke Norme vir Afrikaans le Afrikaanse tekslinguistiek. 'n Inleiding.
<fn>NWU-NEWS. News24.2009-12-02.tn.txt</fn>
Motlatsa-Mokanseleri, Dr Theuns Eloff, o tlhophilwe jaaka motlatsa-monnasetulo wa ntlha wa mokgatlho wa boeteledipele jo bo ntshwa jwa thuto e kgolwane mo nageng.
Thuto e Kgolwane ya Aforika Borwa (Higher Education South Africa - HESA) e tla tlhokomela gore la ntlha mo hisetoring ya thuto e kgolwane ya Aforika Borwa lephata le, le tla bua ka lentswe le le lengwe le le tshwaraganeng.
"Mokgatlho o, o tla emela dikgatlhegelo tsa ditheo tsa thuto e kgolwane mo Aforika Borwa le kwa moseja," go bua jalo Dr Eloff.
Mokgatlho o tla tsweletsa gape kagoseswa le tlhabololo ya lephata le.
HESA e supa go nna mmoga ga kemedi ya mekgatlho ya diyunibesithi le diyunibesithi tsa thekenoloji, Mokgatlho wa Batlatsa-Bakanseleri ba Diyunibesithi wa Aforika Borwa (South African Universities Vice-Chancellors Association - SAUVCA) le Komiti ya Bagokgo ba Dithekinikono (Committee of Technikon Principals - CTP).
Prof Barney Pityana, Motlatsa-Mokanseleri wa Unisa o tlhophilwe jaaka monnasetilo wa ntlha wa HESA.
Ditokololo tse dingwe tsa Komiti Khuduthamga ke bo Prof Marcus Malintulo, Rachel Gumbi, Njabulo Ndebele le Dr Rolf Stumpf.
Batlatsa-Bkanseleri botlhe ba ditheo tse kgolwane tsa setshaba di le 23 ke ditokololo tsa HESA.
<fn>NWU-NEWS. News242.2009-12-02.tn.txt</fn>
Ofisi ya Setheo - Baithuti ba ka nna 500 ba dikhamphase di le tharo ba ne ba nna teng bošeng jaana mo Letsatsing la ntlha la Metshameko ya Baithuti mo Setheong [Institutional Student Sport Day (ISSD)] kwa Khamphaseng ya Mafikeng ya Yunibesiti ya Bokon-Bophirima (NWU).
Ditlhopha tse di farologaneng tsa Dikhamphase - Potchefstroom, Khutlotharo ya Lekwa le ya Mafikeng - di nnile le seabe mo dikgaisanong tse di farologaneng. Baithuti ba ne ba ipelela bolotloa ya banna, tšhese, kgwele ya dinao, bolotlola ya basadi, tenese ya mo tafoleng, rugby le volley ball.
Go ya ka Ngaka Edward Sedibe, Mokaedi: wa Merero ya Baithuti le Metshameko, boikaelelo jwa letsatsi leno e ne e le go dira gore baithuti ba dikhamphase tse tharo ba tsalane mmogo mo metshamekong. Ngaka Sedibe o ne a re, "Ka go dira jalo, ba ne ba dira gore go rene moya wa go ikutlwa gore ke ba Yunibesiti e le nngwe fela."
Khamphase nngwe le nngwe e ne ya bontsha tse dingwe bokgoni jwa yone mme babogedi ba ne ba itumelela seo fela thata. Kgaisano e ne e se e e motlhofo, mme ditlhopha tsotlhe di ne tsa gakologelwa gore se di neng di se dira e ne e le go ijesa monate fela le go itumelela metshameko ka moo di neng di ka kgona ka gone.
Ka nako ya pulo ya dikgaisano tseno, setlhopha sa di-aerobic sa Khamphase ya Mafikeng se ne sa gakgamatsa baithuti botlhe ka go dira di-aerobic e le go simolola motshameko ono le go o bontsha ba bangwe.
Tiragalo eno e ne ya atlega fela thata mme ditlhopha tsotlhe di ne di ntshitse ga tshwene.
<fn>NWU-NEWS. News243.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Baakatemi ba ba thataro ba mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ba ile ba tlotliwa ke Akatemi ya Saense le Atshe ya Aforika Borwa ka lebaka la patlisiso ya bone e e maemo a a kwa godimo ngwaga e.
Maloko a a badirammogo ba ile ba bidiwa maina ka mo dikarolong tse di farologaneng jaaka bosaense jwa puo, borutabana, dipalo, bioloji le bosaense jwa melemo le botaniki. Ba tla amogela dikabelo tsa bone ka letsatsi la 27 Seetebosigo ka moletlo wa dilemosome wa Akatemi kwa Mangaung.
Moporof Daan Wissing, mmatlisisimogolo wa thekenoloji ya dipuo mo CtexT(Centre for text technology), o amogetse kabelo ya CJ Langenhoven ya Saense ya Dipuo. Kabelo e abelwa ditiro tsa dipuo le ditiro tsa poposešwa ya dipuo tsa Seaferikanse. Kabelo ya gagwe go godisa dithuto tsa fonoloji ka e le karolo ya serutwa sa saense ya Seaferikanse e bonwa e le ya maemo a a kwa godimo ka mo tikologong ya dithuto tsa puo ya Seaferikanse.
Modiini wa Saense ya Thuto, Moporof Petra Engelbrecht, o amogetse metlele ya tlotlo ka tsweletso ya bosaense jwa serutwa sa thuto mo karolong ya thuto. O itsiwa ka mo setšhabeng le ka mo boditšhabatšhabeng mme thata ka mo tikologong ya Saekholoji ya Thuto. Dikabelo tsa gagwe tsa mo kgaolong e di amogelwa lefatshe ka bophara.
Moporof Jan Swanepoel wa Lefapha la Mananepalo o amogetse kabelo ya Havenga ya disaense tsa dipalo, khemikhale le popego. Ene o tlotliwa ka tiro e kgolo ya boeteledipele e a e dirileng mo setšhabeng le mo boditšhabatšhabeng mo serutweng sa Mananepalo. Ke palo e ntsi ya dingwaga tse Moporof Swanepoel a itlhaotseng go nna moeteledipele wa serutwa sa gagwe mo setšhabeng, e seng fela ka mo thulaganyong ya teori ya dipalo mo serutweng mme gape le mo tirisong ya teng. Boeteledipele jwa gagwe bo tlhaolwa ke go na le bokgoni jwa go ka akanyetsa kwa godimodimo le ponelopele e kgolo ya gagwe ka mo dipalong.
Kabelo ya FARMOVS ya famakoloji le tlhabololo ya melemo e abetswe Moporof Theo Dekker wa Sekolo sa Famasi. Ene o dirile dikabelo tse di kgolo mo tikologong ya go tlhomamisa boleng le taolo ya melemo ka mo setšhabeng le mo boditšhabatšhabeng mme le mo karolong ya akatemi ya famasi le mo intaseteri le karolong ya intaseteri ya taolo ya melemo. Moporof Dekker o tswelela go dira jalo le jaanong jaana.
Dimentlele tse pedi tsa kgopolo di abetswe maloko a mabedi a badiri ba mo Sekolong sa Disaense tsa Tlholego le Tlhabololo.
Moporof Gert Krüger o amogetse metlele ya Captain Scott e kgolo ka kabelo e kgolo ya gagwe mo ya mobioloji mo Aforika Borwa. Mo dilemong tse di 36 tse di fetileng Moporof Krüger o abetse gagolo mo patlisisong le mo katisong ya popego ya dimela. Tiro e e botlhokwa go feta ya patlisiso ke e e dirilweng ke ene le baithuti ke ka ga dimela tsa naga le dijalwa go kgona go phela le fa go le komelo. Moporof Krüger o itlhomile go nna moeteledipele mo kgaolong e ya serutwa.
Metlele ya Captain Scott e nnyane e abetswe Moh Elmien Heyneke ka teseteišhene ya MSc ka mo disaenseng tsa botaniki e e gaisang tsotlhe ka mo diyunibesiting tsa Aforika Borwa. Teseteišhene ya gagwe ke kumo e kgolo ya thuto e e tseneletseng ka ga tiro ya daeokosaete ya sebabole mo go goleng ga le popego ya dinawa tsa soya. Thuto e e dirilwe ka mo dithulaganyong tsa go godisetsa ka mo diphaposing(ke e e sa itseweng mo lefatsheng) ka mo lefelong la Astro Villa. Patlisiso ya gagwe e badilwe mme e rutilwe mo palong ya dikhonferense tsa mo gae le kwa moseja.
<fn>NWU-NEWS. News245.2009-12-02.tn.txt</fn>
VANDERBIJLPARK - Hisetori e dirilwe gape kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) e rile Lefapha la Metshameko le tshwara kopano ya ntlha ya Dikabelo tsa tlotlo tsa Metshameko.
Ka nako ya kopano e e ka tlotliwang e khamphase e ile ya tlotla semmuso dikatlego tsa batshameki ba ba farologaneng ka mo mabaleng. Go ya ka Mor Sean McCallaghan, Molaodi wa Metshameko, maikaelelo ke go dira dikabelo tse go nna tsa ngwaga le ngwaga mo batshameki ba banna le basadi ba tlotliwang teng dikabelo tsa go ba apesa le apesa gotlhe ka mebala ka dikatlego tsa bone - ka bongwe ka bongwe le ka ditlhopha jaaka tlotlo e tlhokega.
Noolwane wa kirikete ya Aforika Borwa mme modulasetulo wa Stellavista, Ngk Ali Bacher e tsere matsapa go romela baithuti ba dikabelo lekwalo la go ba bolelela gore metshameko e tsaya karolo e kgolo mo morafeng o mongwe le o mongwe le ka mo lesakeng la khamphase ya yunibesiti. Maitsholo le maitseo a metshameko ka mo bothong jwa batshameki le mo dikgaisanong tse di siameng di dira gore motshameki mongwe le mongwe a nne "moambasadoro wa bongwe" mo setšhabeng, ga re Ngk Bacher.
Ka nako ya puo ya gagwe, Moreketoro wa Khamphase, Moporof Piet Prinsloo o ne a boka batshameki ka go itlhaola ka mo mabaleng mme a tswelela go ba bolelela gore tinara le dikabelo ke mokgwa o o siameng wa go tlotla le go boka le go abela batho ba batshameki. "Mongwe le mongwe wa lona o tlhoka go emisiwa ka mo podiamong ya bafenyi," ga re Moporof Prinsloo mme a tswelela go bua le go bolelela gore metshameko ka mo Khamphaseng e gola thata mme a re ene o posetifi thata ka kemo ya metshameko ka mo Yunibesiting.
Go dirilwe dikabelo tse tlhano tse di kgethegileng ka nako ya moletlo wa tinara e e ntlentle mme ga nna lesedi la kopano.
Dikabelo tse di kgethegileng di nnile: Monna wa Motshameki wa Ngwaga (Wilfred Mandiza), Mosadi wa Motshameki wa Ngwaga (Nadia Pretorius), Mokatisi wa Ngwaga (Reginah Motuang), Monna wa Motshameki wa Tswelelopele go Feta wa Ngwaga (Nuno Rodriques) le Mosadi wa Motshameki wa Tswelelopele go Feta wa Ngwaga (Dimakatso Moloma).
Setlhopha se sengwe le se sengwe se se emelang Khamphase kwa USSA(University Sport South Africa) apesiwa ka mebala mme kapeso ya mebala e e tletseng e abelwa ditlhopha le batshameki ba ba fetsang mo maemong a mararo a a kwa godimo kwa dikgaisanong tsa USSA le bangwe ba ba amogelang mebala ya metshameko ya diporofense le tsa setšhaba mo motshamekong o mongwe le o mongwe.
Go dirilwe dikabelo tse tlhano tse di kgethegileng ka nako ya moletlo wa tinara ya Dikabelo tsa tlotlo tsa Metshameko tsa kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB).
Moporesitente wa SRC ya Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa, Siphiwe Mbatha o bontshitse ruri gore ene ke monna wa dineo tse dintsi. O amogetse kapeso ya mebala ya Khamphase ka ene a ne a tsere karolo mo kgaisanong ya go aga mmele kwa kgatong ya USSA. Mor Harm Stavast o ne a le MC wa kopano mme dikabelo di ne di diriwa ke Moreketoro wa Khamphase.
Maloko a Balaodi ba Khamphase gammogo le bafenyi ba dikabelo. Go tswa mo molemeng go ya mojeng go na le: Mor Jacob Simango (Mokaedi: Merero ya Baithuti), Mor Bertie Visser (Mokaedimogolo: Ditšhelete le Dibebofatsi), Moh Dimakatso Moloma, Moh Elbie Steyn (Mokwadisi wa Khamphase), Mor Harm Stavast (Mokaedi: Tlhabololo ya Baithuti), Mor Wilfred Mandiza, Moporof Piet Prinsloo (Moreketoro wa Khamphase), Moh Reginah Motaung, Mor Sean McCallaghan (Molaodi wa Metshameko), Moh Nadia Pretorius le Mor Nuno Rodriques.
<fn>NWU-NEWS. News246.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Sekolo sa Disaense Tsa Boemo Jwa Tikologo le Tlhabololo sa Khamphase ya Potchefstroom sa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima se neilwe awate ya go dira Patlisiso gore se dire patlisiso ka diphelelo tsa go fetolwa ga dijini (GM ka Seesemane) tsa mmidi (mmidi wa Bt) tsa ditshedinyana tse go sa dirweng patlisiso ka tsone.
Porofesa Johnnie van den Berg wa Sekolo seno o tla etelela pele patlisiso ya Biosafety South Africa. Ke mongwe wa baithuta-ditshenekegi ba ba tumileng thata mo nageng ya rona e bile o setse a itiretse rekoto e ntle mo go tsa patlisiso ya go fetolwa ga dijini tsa ditshedinyana tse dinnye le tshireletsego mo tikologong malebana le seno.
Pofofesa van den Berg a re mmidi wa Bt o raya mmidi o go fetotsweng dijini tsa one gore go ntshiwe poroteini e e bolayang ditshenekegi go tswa mo baketerieng ya Bacillus thuringiensis (Bt), go dira gore ditshenekegi di se ka tsa bolawa ke mmidi wa GM.
Aforika Borwa ke naga ya borobedi mo go tse dikgolo tse di fetolang dijini tsa dijalo mo lefatsheng, mme e na le diheketara tsa dimilione di le 1.8 tsa mmidi wa GM, letseta le dinawa tsa soya tse di jalwang ngwaga le ngwaga mo nageng eno. Mo godimo ga moo, mo karolong yotlhe e go jadilweng mmidi mo go yone, 51% (diheketara di le dimilione di le 1.34) ya yone ke e mo go yone go jadilweng mmidi wa Bt.
Biosafety South Africa ke tšhono e ntšha ya bosetšhaba ya ditiro tsa thekenoloji tse di rotloediwang ke Lefapha la Bosetšhaba la Saense le Thekenoloji go ema nokeng ditiro tsa tlhamo-seša mo tirong ya botegeniki jo bo amanang le ditshedi tse dinnye ka go tlhomamisa gore go dirwa dikumo tse di sireletsegileng, tse di seng kotsi tsa botegeniki jo bo amanang le ditshedi tse dinnye. Boikaelelo jo bogolo jwa Lenaneo la Patlisiso la Biosafety South Africa ke go tlamela ka tshedimosetso e e tlhokegang mmogo le bokgoni jwa go ema nokeng melao ya bosetšhaba ya ditshenekegi tse go fetotsweng dijini tsa tsone (di-GMO).
Porofesa van den Berg a re mefuta e le mmalwa e go tla dirwang patlisiso ka yone mo porojekeng eno e tla tlamela ka tshedimosetso ya ntlha-ntlha mo lefatsheng ka go fetolwa ga dijini tseno mme e tla nna ya botlhokwa jo bo seng kana ka sepe mo ditshekatshekong tsa mo isagweng tsa bodiphatsa jwa seno mo tikologong. Gape, porojeke eno e tlamela ka tšhono ya go dira gore badiri ba nne le bokgoni mo tirong ya go batlisisa ya biosafety mo Aforika Borwa ka go tlamela baithuti ba le banè ba lokwalo lwa morago ga boalogane dibasari.
Porofesa Johnnie van den Berg le setlhopha sa gagwe se se tla bong se dira patlisiso ya Biosafety South Africa. Go tswa kafa molemeng: Porofesa van den Berg, Marlene Kruger, Emil Engelbrecht, Jean-Maré Truter, Danie Brink, Martijke Coetsee and Rozelle Keulder.
<fn>NWU-NEWS. News247.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Batlhatlheledi ba School of Continuing Educational Training (SCE) mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU) ba dirile tshwetso ya gore ba dire maiteko a go thusa baithuti ba babedi ba difofu ka ditlhatlhobo tsa bone.
Mohumagatsana Hettie Sieberhagen, e leng motlhatlheledi mo sekolong seno, a re ka 2006, Mohumagatsana Jean Cumming, yo o thusang batho ba ba nang le bothata jono o ne a ba bolelela ka baithuti ba babedi ba difofu ba ba neng ba ikwadiseditse dipoloma ya bosetšhaba ya go ruta ya seporofešenale. Ka nako eo, Rre Ben Ngobane le Rre Laurence Ntshani ba ne ba ruta kwa Rivoni Society ya Difofu gaufi le Elim Hospital kwa Limpopo.
A re, e re ka lenaneo e le la thuto e e akaretsang botlhe, ba ile ba swetsa ka gore ba thuse baithuti bano. Modiri-mmogo wa botsamaisi wa SCE, wa Open Learning Group in Johannesburg, o ne a romela batlhatlheledi ba babedi kwa Giyani go ya go tlhatlhoba pele maemo a baithuti bano go bona gore a ba na le bokgoni jwa go ithuta. Ba ne ba dira sentle ka bobedi jwa bone mme go ne ga dirwa tshwetso ya gore tiro ya bone e buisiwe le go gatisiwa ka segatisa-mantswe ba bo ba e romelelwa.
Mohumagatsana Sieberhagen a re baithuti bano ba ne ba lere tiro e ba neng ba e abetswe ba bo ba kwala ditlhatlhobo tsa bone ka metšhini e e tlanyang Mokwalo wa Difofu. Tiro eno ya bone e ne ya bowa gape ya tlanngwa ke mokgatlho wa difofu mme ya romelwa kwa SCE. "Ka bobed jwa bone, ba ne ba folola ngwaga wa bone wa ntlha sentle".
Mohumagatsana Cumming o ne a bowa a tlhatlhoba maemo a baithuti bano gape pele ba tswelela ka ngwaga wa bone wa boraro. Tiro ya bobedi jono e ne ya bowa gape ya buisiwa le go gatisiwa ka segatisa-mantswe ba bo ba e tlhalosediwa.
Mohumagatsana Sieberhagen a re morago ga go tshwara dipuisano le batsamaisi ba Sekolo le Open Learning Group, go ne ga dirwa tshwetso ya gore baithuti bano ba tlhatlhobiwe ka molomo. Gone jaanong jaana Ntshani o fudugetse kwa sekolong se sengwe, e leng Sekolo sa Bosele sa Difofu le Bosusu, se se bokgakala jwa dikilometara di le 43 ka kwa botlhaba jwa Groblersdal, koo a rutang gone Mokwalo wa Difofu, go thaepa ka khomphiuta le Seesemane. Rre Ngobane o sa ntse a le kwa Rivoni koo a rutang Mokwalo wa Difofu gone.
Baithuti bano ka bobedi ba ne ba ipaakanyeditse ditlhatlhobo tsa bone sentle mme ba ile ba di wetsa gape ka katlego. Sieberhagen a re bobedi jwa bone ba saletswe ke ngwaga wa bone wa bofelo, e leng wa boraro, mme ba tlile go dira ditlhatlhobo tsa bone gape ka molomo mo bonnong jwa mongwe le mongwe wa bone ka Diphalane.
Sieberhagen a re "Ruri seno ke maitemogelo a a botlhokwa tota fa motho a kile a dira mo go one le go bona maikutlo a batho bano ba nang le one."
Fano re bona badiri ba School of Continuing Education Training kwa Sekolong sa Bosele sa Difofu le Bosusu ka nako ya fa Rre Laurence Ntshani a ne a ba tlhatlhoba ka molomo. Mo moleng o o kwa morago: Mohumagatsana Nozi Kgati, Charlene Brits le Rre Phillip Modisakeng. Mo moleng o o fa pele: James Varughese, Ntshani le Mohumagatsana Hettie Sieberhagen.
Rre Ben Ngobane (mola o o fa gare) o ne a dira tlhatlhobo ya gagwe ya molomo kwa Rivoni Society ya Difofu kwa Limpopo. O na le badiri ba School of Continuing Teacher Training. Fa thoko ga gagwe ke Mohumagatsana Nozi Kgati le Hettie Sieberhagen. Mo moleng o o kwa Morago: Rre Phillip Modisakeng le Mohumagatsana Charlene Brits.
<fn>NWU-NEWS. News249.2009-12-02.tn.txt</fn>
SIFE NWU fela maloba ba ne ba tshwere mokete ka gore ke yone fela e e leng mokgatlho o o laolwang ke baithuti o o leng ka mo dikhamphaseng tse tharo tsa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB).
SIFE e mo ngwageng ya yone ya botlhano mme e simolotse ka mo khamphaseng ya Potchefstroom, mme jaanong jaana e na le maloko ka dikhamphaseng tsa Mafikeng le Khutlotharo ya Lekwa tsa YBB. Setlhopha sa SIFE se ne se etetse khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa ka mafelo a 2008 mo ba ileng ba kwadisa baithuti ba ba 22 mme gape le ka letsatsi la 26 Mopitlwe 2009 baithuti ba ba 13 ba ile ba kwadisiwa kwa khamphaseng ya Mafikeng. Maribe Mamabolo jaanong jaana ke Moporesitente wa SIFE YBB mme Charl Muller o tlatsa setulo sa motlatsamodulasetulo.
Go ya ka Moporof Japie Kroon, moeteledipele wa porokerama ya kgwebosešwa ka mo Sekolong sa Taolo ya Kgwebo le Kgwebosešwa ka mo khamphaseng ya Potchefstroom mme le mogakolodi wa legoro wa SIFE YBB, baithuti ba YBB ba ineela mme ba tsaya matsapa go itokafatsa le go tokofatsa merafe e ba dulang mo go yone. Ba dira se ka go kopantsha metswedi ya bone le bokgoni jwa bone mme ba baya kwa thoko dipharologantsho tsa bone tsa kgale mme ba gatela pele go nna Yunibesiti e ruri e phedisang polelo ya letshwaokgwebo ya YBB e e reng - Poposešwa ka Pharologano.
SIFE ke mokgatlho wa lefatshe ka bophara o o direlang ka mo dikhamphaseng di le 1600 mo mafatsheng a le 47 mme ba tsaya karolo e kgolo go tokofatsa lefatshe ka go fetola maphelo a batho ba ba fetang dimilione di le 4 mo lefatsheng ka bophara. Baithuti ba SIFE ba tsaya matsapa ka ditlha tsa kgwebo le tsa ikonomi ka go tlhomela diporojeke tsa ditlhopha tse di agilweng mo dipinagareng di le thataro tsa SIFE tsa ikonomi ya mebaraka, bokgoni jwa katlego, kgwebosešwa, kitso-ikonomi, dietiki tsa kgwebo le kgwebo e e ka tswelelang. Baithuti ba ba tsayang karolo ka mo diporojekeng tsa SIFE ba amogela disetifikeiti tsa SIFE SA, tse di leng botlhokwa thata fa ba kopa ditiro le thapo ka gore baemeladitshenyegelo le dikgwebo tsotlhe di rata go thapa baithuti ba SIFE. Etela lefelo la wepe la SIFE go bona tshedimosetso e nngwe kwa: www.sife.org (Link: http://www.sife.org).
Setlhopha sa SIFE sa Khamphase ya Potchefstroom se ne sa nna le seabe mo kgaisanong ya bosetšhaba ya SIFE ka kgwedi ya Phukwi 2008 mme se ne sa ikgapela maemo a boraro mo karolong ya sone, sa fenya dikgele di le tlhano le awate ya Mogakolodi wa Legoro wa ngwaga. Kwa bofelong, go ne ga fenya Yunibesiti ya Kwazulu Natal.
Setlhopha sa SIFE sa YBB jaanong jaana se ipaakanyetsa kgaisano e e tlang ya setšhaba e e tla tshwariwang ka Phukwi mme ba na le tsholofelo go ka tokafala maemo ka ba na le diporojeke tse dintšhwa tse dintsi ngwaga e.
Go tswa mo molemeng go na le Moporof Japie Kroon, Mogakolodi wa Legoro mo Khamphaseng ya Potchefstroom le Moporof Kobus Cronje, Mogakolodi wa Legoro mo Khamphaseng ya Mafikeng.
Maloko a Khamphase ya Potchefstroom a SIFE YBB le maloko a mašwa a Khamphase ya Mafikeng ka leeto la kwa Mafikeng.
<fn>NWU-NEWS. News250.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Werner van Antwerpen, e leng moithuti wa PhD mo go tsa Boenjenere Jwa Nyutlelia o tla emela Aforika Borwa kwa Khonferenseng ya Boditšhabatšhaba ya Baša ya European Nuclear Education Network Association's (ENEN) kwa Budapest kwa Hungary, e e kaga Metšhini e e Fetlhang Maatla, ka di 5 tsa Seetebosigo 2009. NWU e ne e le setheo sa ntlha sa thešiari se se ka kwantle ga melelwane ya Yuropa go amogelwa jaaka sengwe sa tse di tla nnang le seabe mo khonferenseng ya ENEN mme Van Antwerpen ke ene fela moemedi wa Mo-Aforika Borwa yo o tlhophilweng ke maloko a ENEN e bile a tlhophilwe le ke setlhopha sa baatlhodi gore a nne le seabe mo tiragalong eno.
Jaaka yunibesiti ya ntlha mo Aforika Borwa gore Lefapha la Saense le Thekenoloji [Department of Science and Technology (DST)] mmogo le Pebble Bed Modular Reactor (Pty) Limited (PBMR) di e abele go nna modulasetulo mo go tsa Boenjenere jwa Nyutlelia, NWU e golagane thata le go simolola matsholo le go dira dirweboleta, mme thuto ya PhD ya ga Van Antwerpen e tlile go thusa thata mo ntlheng eno. Van Antwerpen a re, "Ke batla go fetola maikutlo a batho ba nang le one mo setšhabeng, selo se ke eletsang thata go se dira ke go nna motsereganyi fa gare ga Dikgwebo mo Lefatsheng, Ditsela Tsa go Dira ga Metšhini e e Fetlhang Maatla le Greenpeace."
Tlotlo e kgolo e a e nayang mosimolodi-mmogo wa Greenpeace, e leng Ngaka Patrick Moore le Rre James Lovelock mmogo le boemo jo NWU e bo neilweng jwa go naya batho katiso ya boleng jo bo kwa godimo le dithuto tsa gagwe tsa MBA tse a tlileng go ya go di ithuta kwa Sekolong sa Boditšhabatšhaba sa Tsa Kgwebo kwa UK le kwa USA di tla dira gore Van Antwerpen a kgone go dira jalo: A nne le maikemisetso le didirisiwa tsa go fetola dilo.
Bokgoni jo Lefapha la Boenjenere bo nang le jone ke jo e bo boneng ka lenaneo la lone la go dira patlisiso e e tseneletseng ya go ema nokeng porojeke ya PBMR, e e akaretsang baithuti ba ba fetang 50 ba lokwalo lwa morago ga boalogane. PBMR e ne ya tlhongwa ka 1999 ka boikaelelo jwa go tlhama metšhini e mennye ya mogote o o kwa godimo e e fetlhang maatla a nyutlelia le go dira papatso ka yone mo nageng ya rona le kwa dinageng di sele. PBMR ke Motšhini o o Fetlhang Maatla a Nyutlelia wa Mogote o o Kwa Godimo (HTR ka Seesemane) wa enjene ya maatla a go tsidifatsa gase e e tswaletsweng ya heliamo. Le mororo HTR e se yone fela e e tlhamiwang mo lefatsheng ga jaanong jaana, Porojeke ya Aforika Borwa e rulaganyeditswe gore e nne yone ya ntlha ya kgwebo ya HTR ya tiro ya go fetlha maatla a nyutlelia.
Puo e e neng ya neelwa ke Antwerpen kwa Khonferenseng ya Boditšhabatšhaba ya Baša ka Metšhini e e Fetlhang Maatla e dira gore go tlhongwe mogopolo mo go "Dirweng ga Tsamaiso e e Atlegileng ya Digase Tse di Mogote mo kgaolong e e leng gaufi le lebota ya Motšhini o o Fetlhang Maatla a a Tsidifaditsweng a Nyutlelia." Kgang eno e botlhokwa thata ka gonne se se diregang fano ke tsamaiso e e itiragalelang ka boyone fela ya go latlhegelwa ke mogote ga dinyutleliase tsa diatomo e e amanang ka tlhamalalo le maemo a tshireletsego a PBMR. Megokagang e Gantsi seedi se se mogota se fetang ka yone ya Motšhini o o Fetlhang Maatla a a Tsidifaditsweng a Nyutlelia [Pebble Bed Reactors (di-PBR)] e a sekasekwa, mme go elwa tlhoko thata gore a megokagang eo e siametse gore seedi se se mogote se ka feta ka yone mo kgaolong e e leng gaufi le lebota. Dipholo tsa patlisiso eno di lekelediwa kwa dikagong tsa NWU mme di akaretsa go sekasekwa ga modiro wa motšhini o monnye o o fetlhang maatla a a tsidifaditsweng a nyutlelia, o o neng wa agiwa dingwaga di ka nna thataro tse di fetileng, Motšhini wa Tekeletso wa Mogote o o Kwa Godimo [High Temperature Test Unit (HTTU), le Motšhini wa Tekeletso wa Kgatelelo e e Kwa Godimo [High Pressure Test Unit (HPTU). Fa HTTU le HPTU di le mmogo, di bopa Motšhini wa Tekeletso wa go Fetisa Mogote [Heat Transfer Test Facility (HTTF)]. Ngaka Johan Slabber, e leng Motlhankedi-Mogolo wa Tsa Thekenoloji wa PBMR a re "Patlisiso e e dirilweng ka PBMR mo dikagong tseno ya go batla metswedi e e kgonang go itsetsepela e e fetlhang maatla a nyutlelia, e botlhokwa mo nageng yotlhe.
HTTF ke porojeke ya Ntlha ya Mofuta o o Sa Tshwaneng le Ope [First Of A Kind Engineering (FOAKE)] mme diteko di ile tsa tlhagisa dipholo tsa mogote wa hydraulic wa di PBR o o neng o sa kgone go lekelediwa mo nakong e e fetileng. Seno gape se supa bokgoni jo Ba-Aforika Borwa ba nang le jone jwa go aga metšhini e e ntseng jalo kwantle ga go inyatsa, go tlhomamisa gore isagwe e tlile go nna e e botoka.
Van Antwerpen o tlhagafetse tota ka go dira mekgwa e e farologaneng mo tirong ya boenjenere jwa nyutlelia, e bile o akanya gore gantsi maatla a nyutlelia a amanngwa fela le go fetlhwa ga one, mme ga se kgang fela ya go fetlhwa ga one. Mogote o o ntshiwang ke maatla a nyutlelia o ka dirisediwa go tlhagisa H2 e morago ga moo e ka dirisiwang jaaka motswedi o o farologaneng wa maatla a go emisetsa mafura a dikoloi le a dikoloi tse dingwe tse di tlileng go nna teng mo nakong e e tlang. Diphelelo tsa seno e tla nna dikoloi tse di sa senyeng mowa o re o hemang mo tikologong, tse di ntshang metsi go na le go ntsha digase tse di kotsi tsa CO2. Van Antwerpen o tlhalosa jaana, 'Ka ntlha go bo e ile ya dirisiwa ka tsela e e sa siamang mo nakong e e fetileng mme segolobogolo e ile ya dirisediwa ntwa, nna maikaelelo a me ke go fedisa diphelelo tseno tse di sa siamang, le go tlhagisa kumo e e sa bakeng kotsi, e e tla felelang ka gore re nne le Aforika Borwa yo o phepa.
Motšhini wa Tekeletso wa Mogote o o Kwa Godimo [High Temperature Test Unit (HTTU)] kwa Sekolong sa Boenjenere Jwa Nyutlelia kwa Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU).
Werner van Antwerpen.
<fn>NWU-NEWS. News251.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Maloko a badiri a Potchefstroom le baithuti ba maloba ba mo khamphaseng eno le setlhopha sa tiro ya go sireletsa boitekanelo jwa badiri mo tirong kwa Sekolong sa Thuto ya go Dira ga Mmele, sa Dijo Tse di Nang le Dikotla le sa Disaense Tsa Badirisi ba Dikumo kwa Lefapheng la Disaense Tsa Dijo Tse di Nang le Dikotla ba ne ba tsenela dikgaisano bošeng jaana mme ba tla ba tshotse diawate di le mmalwa.
Mo nakong ya go ketekwa ga ngwaga wa bo 25 wa South African Institute for Occupational Hygiene (SAIOH), Porofesa Fritz Eloff o ne a amogela awate ya go tsenya letsogo le go nna le seabe mo tirong ya go sireletsa boitekanelo jwa badiri mo tirong le ya go mo akgolela tiro ya gagwe e a e diretseng setheo seno ka boikanyegi.
Mohumagadi Goitsemang Keretetse, yo o neng a wetsa gerata ya gagwe ya tiro ya go sireletsa boitekanelo jwa badiri mo tirong kwa Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone Bophirima (NWU) mo ngwageng o o fetileng, o tlhophilwe ke SAIOH jaaka Moithuti wa Ngwaga.
Setlhogo se a se kwadileng morago ga go dira patlisiso ya MSc, se se reng DNA damage and repair detected by the comet assay in lymphocytes of African petrol attendants: A pilot study se tlhophilwe ke SAIOH jaaka Setlhogo sa Ngwaga. Setlhogo seno se ne sa gatisiwa mo lekwalongpaka la boditšhabatšhaba la Annals of Occupational Hygiene, go ela kwa bofelong jwa ngwaga o o fetileng.
Baithuti ba maloba ba mo khamphaseng eno ba setlhopha sa tiro ya go sireletsa boitekanelo jwa badiri mo tirong le bone ba ile ba dira go tlala seatla. SAIOH e tlhophile Rre Jaco van Rensburg jaaka Mosireletsi wa Ngwaga wa Boitekanelo Jwa Badiri mo Tirong mme Mohumagadi Melinda Venter ene o tlhophilwe go nna Poresidente wa SAIOH. Mo godimo ga moo, Mohumagatsana Milly Ruiters o tlhophilwe go nna motsamaisi-mogolo wa Pholo le Boitekanelo kwa Lefapheng la Badiri.
Mohumagaedi Goitsemang Keretetse yo (SAIOH) e mo tlhophileng go nna Moithuti wa Ngwaga wa Setheo sa Aforika Borwa sa Tiro ya go Sireletsa Boitekanelo Jwa Badiri mo Tirong le moeteledipele mo dithutong tsa gagwe e leng, Porofesa Petrus Laubscher.
<fn>NWU-NEWS. News252.2009-12-02.tn.txt</fn>
Vanderbijlpark - Dingwaga di le someamabedi morago ga go simololwa ga Porojeke ya Ikateleng mo Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU), porojeke eno e sa ntse e tswelela pele go nonofa. Porojeke eno - e ka kgololesego e ka ranolwang fela go twe "go nonotsha" - e tlamela baithuti bangwe ba kereiti 12 ka dithuto tsa tlaleletso e bile boikaelelo jwa yone ke go oketsa palo ya baithuti ba ba ka kgonang go tsenela dikhoso tsa yunibesiti.
Baithuti ba ba fetang 400 mmogo le batsadi ba bone ba ne ba le teng kwa pulo-semmusong ya Porojeke ya 2009 ya Ikateleng, e bile baithuti ba ba fetang 250 ba setse ba kwadiseditswe porojeke ya monongwaga. Ka 2008, letsholo la Sekolo sa Mariga sa Ikateleng le ne la solegela molemo baithuti ba ba fetang 5 000 kwa karolong ya Khutlotharo ya Lekwa mme la tokafatsa maduo a phalolo ya ditlhatlhobo mo kgaolong eo. Go tsenwa ga Sekolo sa Mariga e ne e le letsholo le le kopanetsweng ke Sekolo sa Disaense Tsa Thuto mo khamphaseng le Lefapha la Thuto (Kgaolo ya D8). Baithuti ba ile ba kgona go amogela dithuto tsa tlaleletso mo dirutweng tse di jaaka Mmetshe, saense, baeoloji, bobalamatlotlo le tsa ikonomi.
Baithuti ba ba nnang le seabe mo porojekeng eno ba tswa mo makeišeneng otlhe a Khutlotharo ya Lekwa mmogo le kwa diporofenseng di le mmalwa go ralala Aforika Borwa. NWU e direla porojeke eno mo diporofenseng di le nnè mme dikgaolo tse di nnang le seabe mo go yone di akaretsa: Mafikeng (dikolo di le 14), Mooinooi (dikolo di le 7), Potchefstroom (dikolo di le 19), Upington (dikolo di le 9) le Khutlotharo ya Lekwa (dikolo di le 27). Baithuti ba ba solegelwang molemo ke porojeke eno ke ba ba tswang mo dikolong di le 71.
Madi a Porojeke ya Ikateleng e tlamelwang ka one a tswa kwa setlamong sa kgwebo mme a thusa Yunibesiti go kgona go nna le madi a ditshenyegelo tse di jaaka tsa dipalangwa, dijo, go duelwa ga barutabana le tsa dibukathuto. Go ya ka Porofesa Piet Prinsloo, e leng Moreketoro wa Khamphase, go atlega ga porojeke eno go ikaegile thata ka letsholo la kgwebo. Gape o dumela gore e atlegisiwa ke go ineela ga borrakgwebo mo ditikologong tse ba nnang mo go tsone. Go ya ka Prinsloo, go nna le seabe ga bone ka tsela eno ke gone go "dirang kgatelopele" e e agang isagwe e e atlegileng le e e kgonang go itsetsepela ya Aforika Borwa.
Baithuti ba ba fetang 400 le batsadi ba bone ba ne ba le teng kwa pulong-semmuso ya Porojeke ya Ikateleng ya 2009.
Baithuti ba ba fetang 5 000 go tswa mo karolong yotlhe ya Khutlotharo ya Lekwa ba ne ba solegelwa molemo ke letsholo la Sekolo sa Mariga sa Ikateleng ka 2008.
<fn>NWU-NEWS. News253.2009-12-02.tn.txt</fn>
Vanderbijlpark - Badiri ba e leng baithuti ba maloba ba Khamphase ya Vaal Triangle ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) ba ne bošeng ba itirela leina fa leina la bo 4 000 le ne le tsenngwa mo bobolokelong jwa tshedimosetso jwa baithuti ba maloba - seno e ne e le phitlhelelo e e gakgamatsang tota, segolobogolo fa go akanngwa gore ofisi ya baithuti ba maloba e feditse dingwaga di le tharo fela e le teng mo khamphasen.
Selo sengwe se se itumeidisang gape malebana le baithuti ba maloba ba Khamphase ya Vaal Triangle ke gore go setse go na le palo e kgolo ya baithuti ba nako e e fetileng ba ba dirileng tiro e e tlhomologileng le go nna baemedi ba setheo se ba kileng ba bo ba ithuta mo go sone kwa dinageng di sele.
Mongwe wa ba ba neng ba iponela moputso kwa dinageng di sele ke Ngaka Wynand Steyn, yo bošeng jaana a neng a tlhophiwa go nna Mothusi wa Motlatsa-Tona ya Tsa Tikologo kwa Regina Saskatchewan kwa kgaolong ya Canda. O ne a simolola tiro eno ka di 19 tsa Motsheganong 2009.
Ngaka Steyn o goletse kwa Vereeniging (koo batsadi ba gagwe mmogo bomogogwadiagwe ba santseng ba nna gone), o ne a fudugela kwa Canada ka 2001 mme a newa tetla ya go nna moagi wa Canada ka 2005. O na le dikirii ya BCom e a e boneng kwa NWU ka 1986 mme a fetsa masetase ya gagwe ka 2000 mo go yone Yunibesiti eno. Go ya ka Ngaka Steyn, o ne a iponela dikirii ya gagwe ya bongaka "kafa tlase ga maemo a a tlhomologileng", a bo a tlhalosa gore o ne a setse a nna kwa Canada fa a ne a dira kopo ya go ithutela PhD e bile Porofesa Pierre Lucouw (Mokaedi wa: Sekolo sa Palomatlotlo) o ne a dumela go nna moemanokeng wa gagwe. "Ke rata bopelotelele jwa gagwe (jwa ga Porofesa Lucouw) fela thata," go ne ga bua jalo Ngaka Steyn, a bo a oketsa ka gore tsela e le nngwe fela e ene le moemanokeng wa gagwe ba neng ba golagana ka yone mo malatsing ao e ne e le ka go kwalelana diimeili.
Go ya ka Ngaka Steyn, ditiro tsa gagwe tsa gone jaanong di akaretsa go botsamaisi jwa tsa ditšhelete, tshedimosetso ya thekenoloji, go okamela badiri, thibelo ya go runya ga molelo le go o tima, mmogo le tsa tlhaeletsano. "Boikaelelo-bogolo ke go thusa lefapha go gola gore e nne kgwebo e e nang le matswela," go ne ga tlhalosa jalo Ngaka Steyn a bo a tlhalosa gore o ikarabelela ka tlhamalalo kwa go motlatsa-tona. Ngaka Steyn o dira mo maemong a bolaodi mo tirong ya botsamaisi jwa lekgotlatoropo la selegae le thulaganyo ya lone mme o ne a direla Mmasepala wa Sasolburg le wa Vereeniging mo nakong e e fetileng.
<fn>NWU-NEWS. News254.2009-12-02.tn.txt</fn>
Vanderbijlpark - Kwa Khamphaseng ya Vaal Triangle ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) , go ne ga abiwa di dipoloma le di dikirii tse di fetang 600 ka moletlo wa kalogo wa letlhabula. Ka nako ya moletlo ono wa kalogo, o o neng o tshwaretswe kwa Quest Conference Estate, go ne ga abiwa le di dikirii di le thataro tsa bongaka.
Fa Porofesa Piet Prinsloo, e leng Moreketoro wa Khamphase a ne a eme botlhe ka lefoko, o ne a sobokanya boemo jwa YBB ka boripana. O ne a umaka dipalopalo tse di latelang: Mo ditheong tsa thuto e e kwa godimo (tse di akaretsang diyunibesiti di le 23 mo Aforika Borwa) YBB e amogela 5.2% ya tekanyetsokabo ya dibilionebilione tsa diranta tse puso ya bosetšhaba e di abetseng ditheo tsa thuto e e kwa godimo - seno se emela 41% ya tekanyetsokabo yotlhe ya YBB. Mo ngwageng ono wa 2009 Khamphase ya Vaal Triangle e na le baithuti ba le 4 000 ba ba ikwadisitseng.
Ka 2008 go ne ga abiwa di dipoloma le di dikirii di le 126 878 mo Aforika Borwa mme mo go tsone, di le 11 345 di ne tsa abiwa ke YBB - seno ke ya tse 8.9% ya tsone tse di neng tsa abiwa mo nageng. Taking this into account, the NWU is currently ranked as the third best university in the country when it comes to the annual graduation rate. Moreketoro wa Khamphase o ne a tlhalosa go ya pele gore YBB e ne e le nngwe ya diyunibesiti tsa maemo a ntlha a le tlhano fa e tla mo kgannyeng ya go ruta-go ithuta, mme ya nna mo maemong a tsa ntlha tse robedi mo kgannyeng ya go dira patlisiso le mo maemong a ntlha a mararo mo kgannyeng ya mokgwa o moša wa go dira dilo.
Molaetsa o Porofesa Prinsloo a neng a o naya baalogi ke gore phetogo ke selo se se diregang ka dinako tsotlhe, le gore kgwetlho ya e e amanang le gone ke go thusa ka tsela ya rona ya seporofešenale le ka tsela e e mosola fa go na le mathata. Gape, o ne a rotloetsa baalogi gore ba nne le seabe mo diphetogong tseno le tlhabololo. "Go nna mosola ga lona go a oketsega fa lo le baalogi," Moreketoro o ne a tlhalosa jalo, a bo a oketsa ka gore lefelo le moalogi a dirang kwa go lone ke lone le le dirang gore a nne motho yo o botlhokwa. "Nnang lo ntshitse matlho dinameng, mme fa lo ntse lo gagamalela katlego, ela tlhoko gore lo ama batho mo setšhabeng ka tsela e e molemo".
Mohumagadi EM Bartie e ne e le mongwe wa baalogi ba ba neng ba newa ditshwanelego tsa bone kwa moletlong wa letlhabula wa kalogo. O ne a newa Setifikeiti sa Morago ga Karolo sa Thuto Mokwadisi wa mo Khamphaseng , e leng Mohumagatsana ME Steyn, o newa faculty hoods.
Poresidente wa Lekgotla le le Emelang Baithuti (SRC), Siphiwe Mbatha, o ne a newa dikirii ya gagwe ya Bachelor of Commerce (BCom). Mokwadisi wa mo Khamphaseng , e leng Mohumagatsana Elbie Steyn, o newa faculty hoods.
<fn>NWU-NEWS. News255.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom (PBS) mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesithi ya Bokone-Bophirima (YBB) se ne bošeng jaana sa aba di dikirii di le 64 tsa masetase tsa dithuto tsa Go Tsamaisa Kgwebo (MBA).
Mohumagatsana Marilize Minne, e leng motlhankedi wa dikamano le baagi o ne a re "Ka nako ya tiragalo eno PBS e ne ya atswa baithuti ba le mmalwa ka ntlha ya diphitlhelelo tsa bone tsa maemo a a kwa godimo le tiro ya bone ya ka natla ya dingwaga di le tharo tse di fetileng. Moalogi mongwe le mongwe o botlhokwa fela thata go PBS e bile re ba eleletsa tsotlhe tse di molemo mo mekgeleng ya bone ya botshelo ya tiro e e amanang le kgwebo."
Rre Christo Vorster o ne a kaiwa e le yo o nnileng le phitlhelelo e e kwa godimo go ba gaisa botlhe mo dithutong tsa gagwe tsa MBA mo dingwageng di le tharo tse di fetileng. Rre Voster o ne a newa Mmetale wa Gauta wa Old Mutual ka ntlha ya phitlhelelo eno ya gagwe e e gakgamatsang. Rre Theuns Truter go tswa kwa Old Mutual o ne a mo naya mmetale ono.
Rre Peet Brits o ne a kaiwa a dirile sentle thata mo pegong ya gagwe ya patlisiso e a boneng 83% ya dimmaraka mo go yone, mme Professional Provident Society (PPS) e ne ya mo naya mmetale wa selefera. Rre JC Vorster, moemedi wa lekala la PPS kwa Potchefstroom, ke ene a neng a mo abela mmetale oo.
Porofesa Mariëtte Lowes, Motlatsa-Moreketoro: wa Akatemi le Porofesa Tommy du Plessis, Mokaedi wa PBS ba ne ba abela baalogi ditifikeiti tse di farologaneng tsa ditiro tsa bone tsa maatlametlo mo dirutweng tse di farologaneng.
Mokaedi wa Sekolo sa Kgwebo, e leng Porofesa Tommy du Plessis, o ne a re PBS e motlotlo go katisa baeteledipele ba boleng jo bo kwa godimo le go itse gore mongwe le mongwe wa bone o tla thusa ka tsela e e kgethegileng mo tirong e a e dirang.
Porofesa Mariëtte Lowes (Motlatsa-Moreketoro: Wa Diakatemi tsa Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirma), Batlotlegi Christo Vorster (mofenyi wa mmetale wa gauta wa Old Mutual), Frik Vermaak (Modulasetulo wa Baithuti ba Maloba) le Porofesa Tommy du Plessis (Mokaedi wa Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom).
<fn>NWU-NEWS. News256.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Baithuti ba le mmalwa ba maloba ba Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) ba ne ba tsenngwa mo ditlhopheng tsa bosetšhaba tsa rugby kgotsa tsa go ikatisa ka Mantaga.
Ba ba neng ba dira sentle thata e ne e le Deon van Rensburg yo o neng a tsenngwa mo setlhopheng se se sa ntseng se Fatlhoga sa Mabokoboko gore a nne motshameka-gare mo motshamekong wa Maborithani le Irish Lions ka 23 Seetebosigo.
Van Rensburg o na le dikirii ya Masetase ya Dikhemisi mme gape o ne a emela Setheo sa Rugby. Gone jaanong jaana ke motshameki wa nako e e tletseng wa rugby yo gape a neng a tshamekela Lion mo ngwageng ono mo kgaisanong ya Super 14. O ne a tsena sekolo sa Higher Technical School (HTS) sa Potchefstroom.
Batsadi ba ga Deo ka bobedi ba dira kwa Khamphaseng ya Potchefstroom. Mamaagwe e leng Christelle, ke mothusi-mogolo wa tiro ya botsamaisi yo o dira ka ditšhelete tsa Sekolo tsa dipatlisiso ka Kharikhulamo (Saense ya Thuto).
Go na le batshameki ba bangwe gape ba babedi mo setlhopheng. Franco van der Merwe o feditse nako e telele a tshamekela Setheo mmogo le setlhopha sa Leopards pele a ya go tshamekela Golden Lions. Talente ya ga Burton Francis yo o tshamekang mo maemong a Fly-half e ne ya "lemogiwa la ntlha" ke setheo, mme morago ga ngwaga wa gagwe wa ntlha o ne a ngokwa key Blue Bulls ka tuelo e e seng kana ka sepe.
Mokapotene wa nako e e fetileng wa Setheo sa Rugby, e leng Wilhelm Koch, o ne a ngokiwa gore a nne leloko la setlhopha sa ikatiso se se sa ntseng se Fatlhoga sa Mabokoboko 7 mme o ne a kopana le sone kwa Stellenbosch ka di 10 Seetebosigo go fitlha ka 13 Seetebosigo. Jovan Bowles wa Leopards le ene o mo setlhopheng seno.
<fn>NWU-NEWS. News257.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Mo lobakeng lwa bošeng jaana lwa PUKfm, seteišene sa radio sa Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB), se ne sa simolola porojeke e e mosola ya go kokoanya diaparo gore di newe bana ba bahumanegi mo tikologong ya Potchefstroom.
Mo porojekeng eno, setlhopha sengwe le sengwe sa baithuti ba Volkskool High le sa Potchefstroom Gimnasium se ne sa rotloediwa gore se tlatse mabokoso a magolo ka diaparo tse beng ba tsone ba sa tlholeng ba di apara. Matsapa ano a ne a duelwa ka gore sekolo sengwe le sengwe se newe nako mo lenaneong la PUKfm gore se tshware thulaganyo e ntšha ya Skolie Show.
Baithuti ba ile ba dira go tlala seatla mme ka ntlha ya seno, go ne ga feleletsa go kokoantswe mabokoso a magolo a a fetang someamatlhano a a tladitsweng ka diaparo tse beng ba tsone ba sa tlholeng ba di apara. Ka go dira jalo, ba ile ba tlhomamisa gore baithuit ba le bararo ba ba tlhophilweng go tswa kwa sekolong sengwe le sengwe ba a katisiwa kwa PUKfm mo malatsing a a tlang a boikhutso a mariga gore ba nne le seabe mo lenaneong la Skolie Show. Bontsi jwa bareetsi ba seteišene seno sa radio ke baithuti ba mafelo a a gaufi le seteišene seno.
Go ya ka Liomee van der Merwe, e leng leloko la setlhopha sa botsamaisi sa dipuisano le baagi le dilo tse di botlhokwa la PUKfm, maikaelelo a magolo a seteišene seno sa radio sa baagi ke go tlisa tlhabololo mmogo le go tshwara dipuisano le baagi. Porojeke eno ya go dira gore baša ba akanyetsa baša ba bangwe ba ba tshwanetseng go kgotsofalela bonnye jo ba nang le jone, e ne ya bidiwa Community Cuddle. Maikaelelo a mangwe ke go katisetsa baša go tshwara dipuisano le ba bangwe mo radiong.
Sekolo sengwe le sengwe se ne sa amogela maboko a le someamabedi gore di a tlatse, mme a ne a nna mantsi go feta ka fa go neng go lebeletswe ka gone fa labofelo go ne go tladiwa a a fetang someamatlhano. A ne a tlala dilori tse dinnye di le tharo! Sengwe sa dilo tse Volkies a neng a di dira e ne e le go tla ka mokgwa o moša wa kafa seno se neng se ka dirwa ka gone fa ba ne ba tshwere letsatsi le le kgethegileng la Sivvie day go rotloetsa baithuti go aba diaparo. Ka go dira jalo, Volkies o ne a nna le dikgwedi di le tharo tsa go gasa ka sekolo sa bone mme Gimmies ene o ne a tlhomamisa gore ba tla gasa sebaka sa kgwedi.
Mmino le thulaganyo ya lenaneo di tla dirwa ke baithuti ba dirisana mmogo le setlhopha sa botsamaisi sa lenaneo la PUKfm.
Diaparo di ne tsa abiwa mo bekeng e e fetileng - dingwe tsa tsone di ne tsa abiwa kwa Hope Village mme tse dingwe kwa Koningskinders. Go sa ntse go tla abiwa diaparo tse di oketsegileng mo diporojekeng tsa Student Rag Community Services (SRCS).
Mo ngwageng ono, PUKfm e dirile diporojeke di le mmalwa tse di dirwang mo baaging. Maloko a ne a nna le seabe mo Blikkieskosdag mme a abela sekolo sa tlhokomelo ya bana ba bahumanegi madi le dilwana ka go rekisa di pancake di ka nna sekete. Gape, seteišene se ne sa nna le seabe mo letsholong la Kansa la Relay for Life.
Meyer Conradie go tswa kwa Hope Village o amogela mokowa wa diaparo gore di newe batho ba ba tlhokomelwang ke setheo seno. O na le Liomee van der Merwe, leloko la setlhopha sa botsamaisi la PUKfm la puisano le baagi le dilo tse di botlhokwa.
<fn>NWU-NEWS. News258.2009-12-02.tn.txt</fn>
Mafikeng - Moreketoro wa Khamphase ya Mafikeng ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB), e leng Porofesa Kgwadi, o ne bošeng jaana a ipha nako ya go tlwaelana botoka le baithuti ba ba golafetseng le fa gone a tshwaregile thata ka tiro.
Boikaelelo jwa seno e ne e le gore a kgone go bona dikago tse di tlhokang go tlhabololwa. Ga go ise go tlhongwe letsatsi la go tlhabololwa ga tsone. Moreketoro wa Khamphase e leng Mohumagatsana Vida Mutlaneng, mookamedi wa Setheo sa Bogole, le sa baithuti ba ba golafetseng mo mmeleng o ne a tsamaya a sekaseka dikago tsa khamphase. Moreketoro wa Khamphase ene o ne a tsamaya dikago tsotlhe a ntse mo setulong sa maotwana ka lobaka lwa ura.
Jaanong Moreketoro o tla kgona go tlhalosetsa batsamaisi ba khamphase boemo jotlhe sentle gore baithuti ba ba golafetseng ba kgone go e dirisa kwa ntle ga mathata. Ga go ise go itsiwe sentle gore ke dikago dife tse di tla tlhabololwang.
Porofesa Dan Kgwadi, Moreketoro wa Khamphase ya Mafikeng ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB), a na le Rre G Rasello.
<fn>NWU-NEWS. News259.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Porofesa Annette Combrink, Moreketoro wa Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB), le maloko a mangwe a batsamaisi ba khamphase ba ne ba boela morago mo hisitoring go bona gore Puk e simoletse kae.
Lefelo le ba neng ba boela kwa go lone e ne e le Burgersdorp, toropo e e kwa Kapa Botlhaba e kwa go yone batlhatlheledi ba babedi le baithuti ba le batlhano ba neng ba neng ba simolola tiro dingwaga di le 140 tse di fetileng fa Reformed Church e sena go dira tshwetso ya gore go agiwe Sekolo sa Bodumedi. Batlhatlheledi ba ba neng ba sena gone ba ne ba newa kagonyana ka fa morago ga ntlo ya moruti lekgetlo la ntlha-ntlha ka la 19 Ngwanaatsele 1869.
Sengwe sa dilo tse di neng tsa dirwa fa go ne go etetswe Burgersdorp e ne ya nna go kopana mmogo gape le baithuti ba nako e e fetileng ba setheo sa rona go tswa mo go lone lefelo leo le go dira loeto lwa botsalano kwa go Rre William Ngoqo, Ratoropo. Le fa go ntse jalo, ntlhakgolo ya loeto lono e ne e le go etela musiamo wa segopotso wa setso le hisitori o mo go one go bontshiwang ka tsela e e kgatlhang gore Sekolo sa Thutobomodimo se simolotse kae. Tshimologonyana eno ya sone e ne ya feleletsa e le Yunibesiti.
Maloko a badiri ba YBB kwa lefelong la bobolokelo jwa tshedimosetso le kwa musiamong a dirile ka natla bošeng jaana go tlhama dilo tsa go dira dipontsho tse diša tse di bontshang tshimologo ya Yunibesiti. Dilo tseno tsa go dira dipontsho tse diša di weditswe mme di beilwe bontle mo teng ga musiamo go bontsha batho tshimologo ya yone kwa Burgersdorp.
Mo godimo ga moo, Porofesa Combrink o ne a naya Rre Gerhard Coetsee, modulasetulo wa Boto ya Batlhokomedi ba musiamo, kgatiso e e kgethegileng ya Bible the Reformed Church of South Africa (Gereformeerde Kerk van Suid-Afrika - GKSA) e e gatisitsweng mo ngwageng ono go keteka ngwaga wa bo 140, le kgatiso ya tayari ya ga Porofesa Dirk Postma, moruti wa ntlha wa Sekolo sa Bodumedi le mosimolodi wa GKSA.
Gape mo setlhopheng sa ba ba neng ba tsere loeto, go ne go na le Diporofesa e leng Mariëtte Lowes, e leng Motlatsa-Moreketoro wa tsa Akatemi, Jan Swanepoel, Modini wa Diatshe, Dries du Plooy, Modini wa Legoro la Thutobomodimo, Batlotlegi Tom Larney, e leng Tlhogo ya Ferdinand Postma Library, Theo Cloete, e leng Mokaedi: wa Dipapatso le Tlhaeletsano, Jan Schutte, e leng Tlhogo ya Ditirelo tsa Sethekeniki, Bahumagadi Annette Kellner, Johanna Bornman le Rre Jaap Verhoef, botlhe ke ba lefelo la bobolokelo jwa tshedimosetso la musiamo wa YBB.
Ka loeto lono, go ne ga bulwa semmuso keteko-moletlo ya segopotso sa Yunibesiti sa dingwaga tse 140. Dikgwedi tsa ngwaga otlhe tsa Khalendara ya Khamphase ya Potchefstroom di tletse ka ditiragalo tse dingwe tse di rulaganyeditsweng go keteka dingwaga di le lekgolo le someamane. Dithulaganyo tse dingwe gape tse di dirwang ke tsa go amogelwa ga sefikantswe sa ga Totius mo khamphaseng. Gape go dirwa dithulaganyo tsa go aga lebota la segopotso.
<fn>NWU-NEWS. News26.2009-12-02.tn.txt</fn>
Yunibesithi ya Bokone-Bophirima (NWU) e amogetse kabelo ya go nna moitshimololedi yo o tsweletseng pele go gaisa wa 2004 mo Kgaisanong ya Boitshimololedi jwa Bosetšhaba mme ba amogela R500 000 ya kabelo ya madi kwa moletlong o o kgethegileng kwa Johannesburg.
Kgaisano e, ke itshimololelo e e rotloeditsweng ke Letlole la Boitshimololedi la Lefapha la Saense le Thekenoloji. Kgaisano e, e kgakotswe ngwaga o o fetileng mme ya ya kwa bokhutlong fa bafenyi ba ne ba itsesiwe mo bekeng e e fetileng.
Mo kgaisanong ya motho ka nosi ya baitshimololedi ba ba kwa pele ba bašwa NWU e ne e le yona fela Yunibesithi e e neng e na le batlhopiwa ba le bararo mo go ba le somepedi ba be neng ba le mo makgaolakgang.
Mo kgaisong e NWU ne e le ya bobedi ka porojeke ya yona e bong "The Intelligent Sparkplug" mme ya tlisa gape R200 000 gae.
Boitshimololedi jo jwa maemo a a kwa godimo bo bona phokotso e kgolo ya ikonomi ya dituki le dintsho mmung, fa e sa ntse e lekanyetsa motlakase. Porojeke e, e setse e ngoketse kgatlhego go tswa go badiri ba dikoloi ba boditšhabatšhaba, go sa gakgamatse fa go lebilwe tlhatlogo e e sa tswang go itemogelwa ya tlhatlogo e e sa tlhomamang ya ditlhwatlhwa tsa oli.
Sparkplug e ribolotswe ke Paulus Kruger le Barend Visser- bobedi bo tshwaragane ga jaana le didikerii tsa bona tsa bongaka - mo bokaeding jwa ga Prof. Okkie De Jager wa Sekolo sa Astrophysics le Mr. Gerhard Moerdyk yo o dirang jaaka mogokaganyi wa tsa kgwebisano.
Batsenela kgaisano ba bangwe ba babedi ba NWU e ne e le "Hardware Random Number Extractor" ya ga Roelf Botha le Barend Visser - le bona ba le mo kaelong ya ga De Jager, le "JS1 Revelation - New Generation 18m class Glider" wa Sekolo sa Mechanical Engineering.
'New generation Glider' e na le ditokafatso tse dikgolo di le mmalwa, e netefatsa go relela ntle le thuso epe fela. Matlhale a a gakgamatsang a a mo morago ga kakanyo e ke Johan Bosman le Riaan De Bruyn mo bokaelong jwa ga Mr. Attie Jonker go tswa kwa Sekolong sa Mechanical Engineering ka go dirisana le Uys Jonker, tlhogo ya JS1.
'Hardware Random Number Extractor' e tla tlhatlosa tshireletsego ya thulaganyo ya dipolokelo e bile e dirisiwa go etsisa tsa matlotlo le mo metshamekong ya dikhomphiutara.
Yunibesithi ya Stellenbosch e abetswe kabelo ya go nna yunibesithi ya Aforika Borwa e e gaisang go feta.
Dr. Eugene Lottering, mokaedi mokhuduthamaga wa Letlole la Boitshimololedi, o rile ba ikaeletse go tsweletsa tlhabololo ya tlwaelo ya dipatlisiso tsa boitshimololedi mo tikologong ya thuto e kgolwane mme e yona gammogo le ditheo tsa thuto, e tla netefatsa gore bana ba ba tlang ba e tla nnang bapakakgwebo ba Aforika Borwa e nna ba maemo a a kwa godimo mo lefatsheng ka tota.
<fn>NWU-NEWS. News261.2009-12-02.tn.txt</fn>
Ka nako ya go tlhomiwa ga gagwe jaaka Mokhaseliri wa ntlha-ntlha wa NWU ka di 14 tsa Moranang 2005, Ngaka Popo Molefe o ne a re go kopanngwa ga Yunibesiti ya pele ya Bokone-Bophirima le Yubibesiti ya Potchefstroom ya Thuto e e Kwa Godimo ya Sekeresete le go akarediwa ga Khamphase ya Sebokeng ya Yunibesiti ya Vista mo go kopanngweng ka tsone ke sesupo se se nonofileng sa tetlano le go aga setšhaba.
Pelenyana fela ga fa lobaka lwa tiro ya gagwe lo felelwa ke nakko, o ne a re, Lemororo NWU ya gompieno e se gore e itekanetse, e na le dikgang tse di kgatlhang tsa go atlega ga yone mo go tsa thuto e e kwa godimo ya mo Aforika Borwa. Mo godimo ga gore Yunibesiti eno e iponele maemo a go kaiwa e le e e laolwang ka tsela e e molemo go di gaisa mo Aforika Borwa, gape e ne ya newa kabelo ya go bo e ile ya thusa thata mo go rotloetseng tiriso ya dipuo tse di farologaneng le go aga setšhaba mo dingwagweng di le 10 tse di fetileng go gaisa yunibesiti e pe e nngwe mo nageng.
Mo godimo ga moo, go nnile le makgetlo a mabedi - la ntlha ka 2005 le ka 2008 - a ka one NWU e neng ya bidiwa setheo sa thuto e e kwa godimo sa Aforika Borwa se se nang le mokgwa o moša wa go dira dilo tsa boteteniki go gaisa tse dingwe tsotlhe.
<fn>NWU-NEWS. News262.2009-12-02.tn.txt</fn>
Mafikeng - Bošeng fela jaana, Khamphase ya Mafikeng ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) e ne ya saena tumalano le Mafikeng Industrial Development Zone (MIDZ) ya go tlhama mananeo a patlisiso a a golaganeng le Polane ya Kgwebo ya MIDZ e e tla tlamelang ka tšhono ya go lekwa le go tsweledisetswa pele ga kitso, bokgoni le ditlhamoseša tse yunibesiti e tlamelang ka tsone.
Dingwe tsa dilo tse go tla dirwang patlisiso ka tsone di akaretsa tlhokomelo ya dikgomo; kabo ya dikumo mo lefapheng la dipalangwa; disaense tsa dingaka tsa diphologolo; tlhokomelo ya dimenerale; molao wa tsa tikologo; tlhabololo ya dikgono tsa tiro; tlhabololo ya temothuo le ya loago Tsweetswee tobetsa fano gore o lebe tshedimosetso e e (Link: http://www.nwu.ac.za/opencms/export/NWU/html/news/Persvrystellings/press32_t.html) neilweng babegadikgang gore ba e phasalatse.
Rre Tebogo Kebotlhale, Motlhankedi Khuduthamaga-Mogolo (CEO) wa Mafikeng Industrial Development Zone (MIDZ) o na le Porofesa Dan Kgwadi, Moreketoro wa Khamphase ya Mafikeng ya Yunbesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) mme ba saena memorantamo.
<fn>NWU-NEWS. News263.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Werner van Antwerpen o itshupile e le moemedi wa mmatota wa Aforika Borwa, wa Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) le wa Sekolo sa Saense ya Nyutlelia sa Morago ga Boalogane le sa Boenjenere fa bošeng jaana a ne a amogela Awate ya I Harry Mandil ka ntlha ya patlisiso e e duleng diatla ya dikirii ya masetase mo tirong ya gagwe ya boenjenere jwa nyutlelia.
Ga jaanong jaana Van Antwerpen ke moithuti wa PhD mo tirong ya Boenjenere jwa Nyutlelia kwa YBB, e bile o weditse M. Eng ya gagwe ya Boenjenere Jwa Nyutlelia (Dionase) ka Phatwe 2007. Setlhogo sa pego eno e ne e le "Multi-quadrant performance simulation for subsonic axial flow compressors". Se se neng sa dirwa mo patlisisong eno e ne ya nna go dira tiro ya go etsisa tsela e motšhini o dirang ka yone go bolelela pele tsela e o tlileng go dira ka yone ka fa tlase ga maemo a a tlwaelegileng fela le ka nako ya fa o fetlha maatla a a kwa godimo thata a nyutlelia, e bile seno ke thuso e kgolo tota mo go direng kgatelopele mo botegeniking jwa metšhini e e fetlhang maatla a nyutlelia, e e tsidifatsang gase ya mogote o o kwa godimo thata. Van Antwerpen a re, "Ke ikutlwa ke le motlotlo tota go bo ke amogetse awate eno. Ke segofaditswe ka ditsela di le dintsi tota. Seno sotlhe ke ka ntlha ya thuto ya maemo a a kwa godimo e e rutwang e sekolo."
Harry Mandil yo o tlhokafetseng ke ene a ileng a thaya MPR, e leng bodirelo jwa ditiro tse di farologaneng jwa boenjenere, e e neng ya tlhongwa ka 1964. Bodirelo jono bo dira ditiro tse dintsi tse di farologaneng mo dinageng di le dintsi, mme bošeng jaana bo simolotse go dira tiro ya jone le mo Aforika Borwa. MPR e ema thuto le patlisiso nokeng fela thata, mme e tlhamile awate eno ya boditšhabatšhaba ya go tlotla baithuti ba ba gaisitseng ba bangwe botlhe ba dikirii ya masetase mo go tsa boenjenere jwa nyutlelia.
Sekolo sa Saense ya Nyutlelia sa Morago ga Boalogane le sa Boenjenere e ne e le sone sa ntlha go newa tšhono ya go etelela pele Boenjenere Jwa Nyutlelia mo Aforika Borwa, mme diphitlhelelo tsa sone di dira gore YBB e gagamalele go nna le mekgwa e meša ya go dira dilo. Gape, Van Antwerpen e ne e le Moaforika Borwa a le mongwe fela yo o neng a tlhopetswe go ya go tsaya karolo kwa Khonferenseng ya Boditšhabatšhaba ya Baša ya European Nuclear Education Network Association (ENEN) e e kaga Go Fetlhwa ga Maatla a Nyutlelia e e neng e tshwaretswe kwa Budapest mo masimologong a kgwedi ya Seetebosigo. Ka nako ya khonferense eno, Van Antwerpen o ne a itsisiwe jaaka mongwe wa bafenyi ba bararo. Mongwe wa moputso o a neng wa o newa ke go lalediwa go ya go neela puo kwa khonferenseng e e latelang ya ENEN monongwaga kwa Paris, kgotsa mo ngwageng o o tlang kwa Barcelona.
Werner van Antwerpen, Porofesa Jat du Toit kwa kokoanong ya Boenjenere Jwa Metšhini le Porofesa Mariëtte Lowes, Motlatsa-moreketoro: wa Tsa Akatemi.
<fn>NWU-NEWS. News264.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Mo bekeng e e fetileng Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) e ne e neile setlhopha se se filimang filimi eno boroko gore se filime ditiragalo tsa filimi ya Bakgat. Jaaka mo filiming ya nako e e fetileng ya Bakgat, Ivan Botha o boile gape o tshameka karolo ya motshameki-mogolo - e mo go yone a leng motshameki wa rugby e leng Wimpie Koekemoer.
Wimpie Koekemoer (Ivan Botha) o ne a bolelela mamaangwe maaka mme a nyelela ka bonako jo a neng a ka kgona ka jone...
Baithuti ba le mmalwa ba Puk ba ne ba rulaganngwa gore ba nne ditlhopha tsa babogedi fa thoko ga lebala la rugby.
Go ya ka Lucia Meyer, motlhagisi-mmogo le mmenejara wa go tlhagisiwa ga filimi eno, filimi eno e nšha e tla gololwa go sa le gale mo ngwageng o o tlang. Motlhagisi wa yone ke Danie Bester mme Henk Pretorius ke mokaedi le mokwadi wa yone.
Boradikhemera ba Bakgat 2 ba ne ba filimela ditiragalo tseno fa pele ga moago o mogolo ka Labotlhano.
<fn>NWU-NEWS. News265.2009-12-02.tn.txt</fn>
Mafikeng - Bošeng jaana khamphase ya Mafikeng ya Yunibesiti ya Bokone-Bophrima (YBB) e ne ya tlhagisa mampodi wa yone wa ntlha wa lefatshe kwa dikgaisanong tsa Bomampodi ba ju-jitsu tsa US.
Rebaone Mokolobate (27) o ne a rwesiwa korone ya mampodi wa lefatshe mo setlhopheng sa ba ba gaisanang mo setlhopheng sa ba ba ka fa tlase ga boima jwa 75 kg (Di CL di le 158) morago ga a sena go semelela mo kgaisanong e e matlho-mahibidu le bangwe ba ba tswang kwa United States of America (USA), Jamaica, Poland, Canada, Trinidad le Tobago. Kgaisano eno ya bomampodi e simolotse ka la di 28 Seetebosigo go ya go 9 Phukwi 2009 kwa Colorado Springs Resort, Colorado, USA.
Rebaone le moithuti-ka-ene, e leng Tshepo Botipe (26), yo le ene a tswang kwa YBB, ba ne ba ikgapela mmentlele wa gauta kwa dikgaisanong tsa Bomampodi ba Boditšhabatšhaba ba Ju-Jitsu ba Aforika Borwa tse di neng di tshwaretswe mo Khamphaseng ya Mafikeng mo ngwageng o o fetileng. Phitlhelelo eno e ne ya dira gore ba tshwanelegele go tsenela dikgaisano tsa Bomampodi Tsa Ju-Jitsu tsa US. Tshepo, yo o neng a semelela mo kgaisanong ya ba boima jo bo ka fa tlase ga 65 kg (Di-CL tse 128) o ne a tla a ikgapetse mmentlele wa boronse. O ne a amogela mmentlele ono fa a ne a gaisana mo setlhopheng se segolwane.
Setlhopha sa Aforika Borwa se maloko a sone e neng e le Rebaone le Tshepo le bagaisani ba bangwe ba le bane (banna ba bararo le mosadi a le mongwe) ba ju-jitsu, ka kakaretso ba gapile maemo a boraro mo kgaisanong eno mme ba newa mmentlele wa boronse.
Rebaone o ne a re "Kgaisano eno ya Bomampodi ya US e ne e se mothofo ka gonne re ne ra tshwanelwa ke go gaisana le bagaisani ba ba nang le bokgoni jwa maemo a a kwa godimo. Le fa go ntse jalo, re ile ra di itumelela thata le go ithuta go le gontsi ka motshameko ono."
Baatlelete ba babedi bano ba re ba solofela gore ba tla nna le seabe gape mo kgaisanong e e tlang, ya Destiny, e e tla tshwarwangk a August monongwaga kwa Cape Town.
<fn>NWU-NEWS. News266.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Baithuti ba babedi ba tiro ya Go Tlhama Ditshwantsho ka Khomphiutara ba Khamphase ya Potchefstroom ba fitlhile kwa makgaolakgannyeng mo Kgaisanong ya ngwaga ono ya Diawate Tsa Kgaisano ya go Tlhama Ditshwantsho ka Khomphiutara ya Setheo sa Botlhami sa SABS.
Dikgopolo tsa botlhami tsa baithuti ba ngwaga wa bofelo e leng Freda Raubenheimer le Sophia Strydom di dirile gore le bone ba fitlhe kwa makgaolakgannyeng a kgaisano eno e mongwe le mongwe a e tswelang pelo.
Ke ngwaga wa bosupa ka go tlhomagana baithuti ba Khamphase ya Potchefstroom ba ntse ba fitlha kwa makgaolakgannyeng a kgaisano eno. Kgopolo ya ga Freda, e e dirileng gore a fitlhe kwa tikologong ya bofelo ya kgaisano eno, ke ya letshwaokgwebo la selegae le le ka dirisediwang go solegela molemo dikgwebo-potlana tsa selegae le mekgatlho e e sa direng diporofete. Sophia o ile a tlhoma thulaganyo e e kgonang go itsetsepela ya go katisiwa ga baithuti ba ntse ba le mo tirong e e ka kgonang go solegela molemo le go tlhabolola intaseteri ya botlhami.
Setheo sa Botlhami sa SABS se simolotse Sekema sa Diawate Tsa Phitlhelelo ka 1987. Se farologana le diawate mmogo le dikgaisano tse dingwe tsa mo Aforika Borwa ka gonne ke sa mofuta wa sone fela mo nageng ya rona e bile se na le ditiro tsa mefuta e e farologaneng go gatelela thata botlhami jwa kgwebo le boeteledipele mmogo le botlhami jwa maemo a a kwa godimo. Maina a baithuti ba mefuta yotlhe ya botlhami, e ka tswa e le jwa kerafiki, jwa mo teng ga kago, jwa intaseteri, jwa fešene, jwa diseramiki, jwa matsela a a logilweng, jwa dibenyane kgotsa jwa go tsaya ditshwantsho tsa kgwebo, a ka nna a tlhophiwa ke ditheo tsa bone gore ba tsenele kgaisano eno.
Ba ba fitlhileng kwa makgaolakgannyeng a kgaisano eno ba nna le seabe mo dikokoanong tsa go tlhabana botlhale le diseminara. Mo ngwageng ono, go ne ga etelwa ditheo tse di di gogang kwa pele tsa botlhami le tsa thekenoloji mme ba ba fitlhileng kwa makgaolakgannyeng ba ne ba nna le seabe mo go neeleng dipuo le go tshwara metlotlo ka dikgang tsa konokono mo tirong ya botlhami.
Gape, lenaneo leno le ba naya tšhono e e molemo ya go kopana le ba e kileng ya nna bafenyi, batho ba ba tlhomologileng mo intasetering, le ba go ka diregang gore e nne bathapi ba bone mmogo le ba bobegadikgang. Kgaisano eno e tshwarwa ngwaga le ngwaga ka Letsatsi la Baša.
Freda Raubenheimer le Sophia Strydom ka nako ya Kgaisano a Ngwaga Ono ya Diphitlhelelo Tsa Botlhami.
<fn>NWU-NEWS. News267.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ke gone e fetsang go saena tumelano e e leng ya ntlha ya mofuta o mo nageng ya rona e e leng ya go bula ditsela tse dintšhwa gammogo le setlamo sa Sasol Technology.
Tumelano e ya patlisiso ya mofuta o le mongwe e tlhoma thulaganyo ya tirisanommogo mo ditikologong tse di farologaneng tsa mo yunibesiti e nang le tshono ya go ka itemogela diporojeke tsa patlisiso mme setlamo le sone se itemogelang diporojeke jaaka go ka tlhokega. Tumelano e e bophara e, e tsere sebaka sa dilemo di le pedi tsa dipuisano mo go ilweng ga lebelelwa mabaka a mantsi mme a batlisiswa mme a akangwa go fitlhelela tumelano jaaka e dirilwe jaanong.
Tumelano ya patlisiso e tlhomelwa mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo mme e tsenya le babatlisisi botlhe ba YBB. Diporojeke tse di kgolo tse di botlhokwa jaanong jaana ke tsa kwa Magorong a kwa Boenjeniri le kwa Disaenseng tsa Tlholego. Moporof Annette Combrink, Moreketoro wa Khamphase ya Potchefstroom, o rile gore go saena tumelano ke tiragalo e e itumedisang thata mme a re gape gore mo dikatlegong tsa tumelano go tla mela tirisanommogo e ntsi mo nakong e e tlang.
Go ya ka Moporof Kobus Pienaar, Modiini wa Disaense tsa Tlholego, tumelano e gatelela thata botlhokwa jwa tirisanommogo magareng a YBB le Sasol Technology. Ene o beile setlamo leina la mogwebisani wa yunibesiti wa togamaano. Moporof Pienaar o rile gore bogwebisani jaaka tumelano e ke ntlha e e botlhokwa thata mo tikologong ya patlisiso le katiso mme go tswela setšhaba le tlhabololo ya batho ba sone mosola o mogolo.
Go ya ka Moh Elani Engelbrecht wa karolo ya tsa Molao ya YBB, YBB e tsere karolo e kgolo ka gore yunibesiti e ne e ntse e kopantsha batsayakarolo le barerisani go tokofatsa le go netefatsa tumelano. "Mor Johan Nel, molaodi wa thekenoloji wa setlamo o rile gore: "Le fa go na le diyunibesiti tse dingwe mo tumelanong, Potchefstroom e tsere karolo e kgolo go feta mo tirong ya go diragatsa tumelo e kgolo e."
Moporof Annette Combrink, Moreketoro wa Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB), mor Johan Nel, Molaodi wa Thekenoloji le Ngaka Sven Godorr, Molaodi wa Patlisiso le Tlhabololo, ba kwa setlamong sa Sasol Technology, ka nako ya tshaeno ya tumelano magareng a YBB le Sasol Technology. Kwa morago go na le Moh Elani Engelbrecht wa Kgaolo ya tsa Molao, Baporofesara Albert Helberg, Modiini wa Motshwareledi wa Boenjeniri, Christien Strydom wa Disaense tsa Popego le Khemi, Kobus Pienaar, Modiini wa Disaense tsa Tlholego le Mariëtte Lowes, Motlatsamoreketoro wa Akatemi.
<fn>NWU-NEWS. News268.2009-12-02.tn.txt</fn>
VANDERBIJLPARK. - 'Tsela-tshweu' go baithuti ba babedi ba Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) bao bošeng jaana puso ya kwa Norway e neng ya ba naya thuso ya madi a go ya go tsweletsa dithuto tsa bone kwa moseja. Baithuti ba babedi bano ba lekwalo la morago ga boalogane, e leng Jabulile Makhalima le James Moleli, ba tshwaragane le go ithutela dikirii ya bone ya Masetase ya botsamaisi jwa mafapha a a kopaneng e leng MSc-logistics mo Sekolong sa Disaense Tsa Ikonomi.
Go ya ka Porofesa Roy Dhurup, Modini wa: Legoro la Disaense Tsa Ikonomi le Thekenoloji ya Tshedimosetso, thuso eno ya madi a go ya go ithuta ke karolo ya letsholo la puso ya kwa Norway le le letlang baithuti ba ba tswang kwa dinageng tse di tlhabologang gore ba ye go tsweletsa dingwe tsa dithuto tsa bone tsa morago ga lekwalo la morago ga boalogane kwa Norway. Baithui bano ba tlile go kopana le baithuti-ka-bone kwa Yunibesiting ya Molde kwa Norway moragonyana mo ngwageng ono. Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) le Yunibesiti ya Molde di ne tsa saena Memorantamo wa tumalano mo tshimologong ya ngwaga ono. Go ya ka Porofesa Dhurup, baithuti bano ba tlhagafetse tota e bile ba lebile pele go ya go nna le maitemogelo a a itumedisang tota a go ithuta kwa Norway.
Mo tseleng go ya Norway. Go tswa ka fa molemeng ke Ngaka Wynand Grobler (Mokaedi wa: Sekolo sa Disaense Tsa Ikonomi), Jabulile Makhalima, Porofesa Roy Dhurup (Modini), James Moleli le Porofesa Tielman Slabbert (Sekolo sa Disaense Tsa Ikonomi).
<fn>NWU-NEWS. News269.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Go na le sengwe ka tiro ya go kaela se se dirang gore e ntsamaele sentle - e tsamaya sentle fela ka thelelo mme ke e itumelela tota.' Ano ke mafoko a ga Sanet Olivier, moithuti wa maloba wa Puk yo gone jaanong e leng mokaedi wa Difilimi tsa Homebrew e e dirileng lenaneo le le ntšha la thelebišene, la Shoreline, la SABC2.
Sanet a re ga a ke a kgwa mowa, ka gonne mo godimo ga go nna mokaedi wa Shoreline, gape o tshwara lenaneo la gagwe la go apaya, ROER!, la kykNET mme gape ba simolotse go filima lenaneo la Jou show met Emo, e leng mananeo a e tlileng go nna mananeo a dibeke tse tharo a kykNET mo SABC 2.
Sanet a re o ne a ithutela khoso ya go tsaya ditshwantsho kwa Stellenbosch fa a sena go fetsa materiki. Fa a ntse a e ithuta, mongwe o ne a mo itsise ka tiro ya go nna mokaedi wa tiro ya go dira bidio lekgetlho la ntlha mme a iphitlhela a rata tiro eo fela thata. O ne a utlwa gore Porofesa Attie Gerber kwa Dithutong Tsa Tlhaeletsano kwa Puk o katisa baithuti ba gagwe "ba ntse ba le mo tirong" le gore fa mongwe wa bone a tsamaya, ga a amogele fela dikirii mme gape o tswa a na le bokgoni jwa go tlhama lenaneo. "Seno ke sone se se neng sa ntlhatswa pelo mme ga ke ikwatlhaele seo le e seng."
Mo ngwageng o a boneng Onase ka one, o ne a nna le maitemogelo mo tirong ya Difilimi Tsa Homebrew kwa Cape Town mme a nna mothusa-mokaedi wa lenaneo la Pampoen tot Perlemoen. "Ke ne ke dira tee ke sa fetse, ke tabogakaka le go tlhatswa dijana. Ke sa ntse ke di dira dilo tseno - mme se se farologanang mo go seno sotlhe ke gore ke dira tiro eno jaaka mokaedi wa ROER!"
Sanet a re ga go na sepe se se kgotsofatsang jaaka go bona selo se o feditseng dikgwedi di le dintsi o se dira se kopana sentle mmogo letsatsi le letsatsi mo phaposing ya bokaedi. "Eno ga se tiro e e motlhofo mme lenaneo le re kgonneng go le tlhagisa kwa bofelong ke lone le le bontshang bokgoni jwa rona, mme ke akanya gore ke yone tsela e re batlang go tswelela pele ka yone. E dira gore re dire tiro ya rona kwantle ga go iteega tsebe le go nna re tlhagafetse!"
Shoreline e gwetlha e le tota. Re ne re na le batshwara-lenaneo ba le bane bao ba le bararo ba bone ba iseng ba ko ba tlhage mo thelebišeneng. Go dira gore mongwe le mongwe a dire bojotlhe jwa gagwe go lapisa tota.
"Kwantle ga basadi ba babedi ba batshwara-lenaneo ba ba neng ba sa dire le rona ka dinako tsotlhe, e ne e le nna fela mosadi mo lenaneong la botlhagisi - mme dilo di ne di sa tsamaye sentle ka dinako tsotlhe. Ka lesego, nna le Chris Lotz re na le dingwaga di le thataro re dira mo lenaneong la ROER! mme re ne re tlhaloganyana. Re ne re sa tlhoke gore mongwe le mongwe wa rona a ithute "puo" ya yo mongwe go tswa kwa tshimologong.
"Tiro ya mo thelebišeneng e batla go tshwaraganelwa fela thata le go dira gore batshwara-mananeo le setlhopha sotlhe ba ntshe ga tshwene."
Mme - fa tiro e weditswe, ke ikutlwa ke dule matsutsuba, ke thuntse moriri e bile ke dirisitse mabotlolo a le mantsi a kirimi ya go itshireletsa mo letsatsing, ee, ke ikutlwa ke godile jaaka mokaedi e bile ke anaanela tiro ya me fela thata.
"Ke batho ba le ba kae ba tiro ya bone e ba nayang tšhono ya go tsaya loeto ka tiro go ya kwa mafelong a a gaufi le lewatle?
Le fa go ntse jalo, a re ke batho ba le mmalwa fela ba ba tla lemogang gore Shore line e ne e le tiro e e boima . E ne e re batla diura di se kana ka sepe tsa tiro, malatsi a le mantsintsi - ka gonne re ne re le mo tirong motsotso mongwe le mongwe wa letsatsi le go robala go le gonnye fela. Gantsi re ne re tlhoka go filima mo maitseboeng go simolola ka ura ya bo 6 - morago ga go dira letsatsi lotlhe. Morago ga moo re ne re robala ka ura ya bo 3 mo mosong, re bo re tsoga ka ura ya bo 6 go tsaya loeto ka koloi go ya kwa lefelong le le latelang.
"Ka dinako tse dingwe re ne re sena nako e e lekaneng ya go tsenya dikhemera dibeterii. Go ne go direga gantsi gore dikoloi di gane go tsamaya mme, se se neng se dira dilo maswe le go feta, ke gore re ne re tshwenngwa ke go bo re sa ntse re na le mo gontsi go go filima kwa lefelong le re neng re sa le itse kgotsa re sa itse se se neng se tlile go direga kwa go lone .."
Le fa go ntse, Sanet a re ga a ikwatlhaele go bo a tsere tiro eno gotlhelele.
O belegetswe kwa Prince Albert kwa Kapa Bophirima e bile e ne e le moithuti wa ngwaga wa bofelo ka 2003 mme dingwaga di le pedi moragonyana o ne a newa moputso wa ATKV wa go dira lenaneo le lentle go gaisa a mangwe mo makasineng kgotsa mo setlhopheng sa mokgwa wa botshelo.
Shoreline e simolotse mo bekeng eno mme e tla gasiwa mantaga mongwe le mongwe maitseboa ka 19:30 mo go SABC 2. Ke lenaneo la tikologo la ditshwantsho tsa boleng jo bo kwa godimo tse di bontshang lemorago la tikologo ya baagi le khumo e e fitlhegileng ya Aforika Borwa.
Sanet Olivier le maloko a setlhopha sa gagwe se se tlhagisang filimi ka nako ya go filimiwa ga Shoreline.
<fn>NWU-NEWS. News27.2009-12-02.tn.txt</fn>
Dr. Theuns Eloff, Motlatsa-Mokanseleri wa Yunibesithi ya Bokene -Bophirima (NWU) o tlhophilwe go nna Monnasetulo yo montšhwa wa Lekgotla la Bakaedi la Aardklop Arts Festival.
Go ya ka Eloff se ke tšhono e bile e supa fa NWU - bogolosegolo - Khampase ya Potchefstroom - e tsaya seAfrikanse gammogo le bomefutafuta jo bo leng teng jwa dipuo tsia.
Maleba le seabe le setaele sa gagwe sa botsamaisi a re: Go dira re le setlhopha le botsamaisi jo bo nonofileng ke tlhobaboroko mo go nna. Ka jalo ke rata go neelana ka boeteledipele jo bo maatla gore ke tle ke kgone go tlhatlosa letlhakore la botsamaisi jwa moletlo go ya kwa legatong le le kwa godimo go feta. Ke lebeletse gape go agelela mo godimo ga motheo o o tlhomameng - o o theilweng ke yo o tlileng fa pele ga me - ka Lekgotla la Bakaedi le setlhopha sa botsamaisi.
Eloff o latela Dr Frederik van Zyl Slabbert yo paka ya gagwe jaaka Monnasetulo e fedileng. Le fa go ntse jalo, van Zyl Slabbert o tla dira jaaka mokaedi mo Lekgotleng la Bakaedi la Aardklop.
Lekgotla le na le baithaopi go tswa kwa mefameng e e farologaneng ya baitseanape mo morafeng wa puo ya seAfrikanse o tlhabololo ya botsweretshi e leng ntlha e e botlhokwa mo go ona, mme ba dira jalo ntle le go boelwa ke sepe. Ponelopele ke go babalela Aardklop jaaka nngwe ya ditiragalo tsa botsweretshi tse di kwa pele le tse di tsweletseng pele mme e bile ba itlama go tswelela ka tiro e ntle e ba ntseng ba e dira gore ba e atolose.
Mo khalendareng ya rona ya tikologo, matlha a Aardklop a monongwaga ke go tloga ka 27 Lwetse go ya go 1 Diphalane.
<fn>NWU-NEWS. News270.2009-12-02.tn.txt</fn>
Ngaka Theuns Eloff, Motlatsa-Mokanseliri wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB), o ne a tlhophiwa kwantle ga kganetso epe gore a nne modulasetulo wa Mokgatlho wa Diyunibesiti Tsa Kgwereanoditšhaba (ACU ka Seesemane) ka Phukwi 2009, morago ga go fetsa dingwaga di le pedi tse di fetileng a le Motlatsa-Mokanseliri wa mokgatlho oo.
"Go na le mekgatlho e ka nna makgolo a le tlhano e e leng maloko a ACU mme seno se nnaya tšhono ya gore ke rotloetse tirisanommogo e e molemo fa gare ga yone le go e boloka e le teng gore YBB e tle e gatele pele. Gape go dira gore ke kgone go tlisa dikgolagano tse di mosola tse dintšha fa gare ga yone," o ne a tlhalosa jalo.
O ne a tlhalosa gape gore YBB e mo maemong a a tshwanang le a mekgatlho e mengwe e e leng maloko a ACU fa e bapisiwa le yone mme mokgele wa rona wa go batla go nna yunibesiti ya go ruta le go ithuta mmogo le go dira patlisiso o dira gore re farologane le yone, ka gonne bontsi jwa diyunibesiti tse dingwe tsone di tlhoma mogopolo fela mo go e le nngwe fela ya ditiro tseno.
Go tlhophelwa ga ga Motlatsa-Mokanseliri maemo a maša ano ga go boloke fela tsela e re lejwang ka yone mono gae le kwa dinageng di sele, mme gape go re bulela ditšhono tse dikgolo tsa go tsweletsa thulaganyo ya gore YBB e tswelele e le mo maemong ano a yone a a molemo.
<fn>NWU-NEWS. News271.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Palo ya baithuti ba mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ba fetsa go bona tlotlo ka mo mebaleng ya metshameko mme thata ke ba metshameko e mebedi ya "bowls le "ringball". "Bowls" ke fa o gagabisa dibolo tse di kgolo tse dintsho go bona gore ke mang yo o atamaleng bolonyana e tshweu thata go feta. Ringball ke motshameko o o batlang go tshwana le netbolo.
Pierre Breitenbach, moithuti wa ngwaga ya bofelo, o tlhophile go nna karolo ya setlhopha sa Aforika Borwa se se tla tshamekelang setlhopha sa Protea ka kgwedi ya Phatwe kwa motshamekong wa Mafatshe a Aforika kwa Swaziland. Ene ke monna wa ntlha wa porofense wa bona diaparo tsa Protea mme ene ke moswa yo monnye go feta botlhe mo hisetoring ya motshameko mo Aforika Borwa go ka apara baki ya Protea.
Mampodi yo o simolotse go gagabisa dibolo a sa le monnye ka a ne a golela mo thoko ga lebala ka lebaka. Rraagwe, Piet ke moporesitente wa "Rolbal SA" mme mmaagwe, Corrie, le ene o setse a amogetse diaparo tsa Protea.
Pierre o sa le a tloga go tshameka dikgaisano tsa nnete go tloga ka 2004 mme metshameko ya liki o e simolotse ka 1998. Jaanong jaana ene ke motshameki wa kelapa ya Potch Dorp-rolbalklub mme ka kgwedi ya Ngwanatsele o tla tshamekela setlhopha sa setšhaba se se tla yang go lwantsha sa kwa Namibia.
Moithuti yo mongwe yo e leng naledi le ene ke Eduan Naude yo ka nako ya boikhutso a neng a tshameka dikgaisano tsa setšhaba tsa ringbolo tsa ba ba kwa tlase ga dilemo di le o/23. Ba bangwe ba kelapa ya ringbolo(korfball ya pele) ba tlhophilwe gape go emela ditlhopha tse go tlhophiwang batshameki ba setšhaba.
Batshameki ba le supa ba ringbolo ba ba tlhophilweng go emela ditlhopha tsa setšhaba ke, Eduan Naude (banna o/23 "Aksie Ringbal Suid-Afrika") le wa kwa basading ba o/23 "Aksie Ringbal Suid-Afrika" go eme sentle Nadine Heyneke, Elanie Basson, Hanliette Basson, Charlene Scullard, Hanri Kruger le Jeannelle Kinnear. Scullard, ene, ka nako ya dikopano tsa boikhutso o tlhophilwe go nna Motshameki wa Thonamente.
Setlhopha sa rakabi sa NWU-Puk ka Lamatlhatso ka nako ya 16h00 ba tla tshameka le setlhopha sa Impala kwa lebaleng la Fanie du Toit go ka bona gore ke setlhopha sefe se se tla emelang Luiperds mo kgaisanong ya dikelapa tsa setšhaba ka Lwetse kwa Tshwane.
<fn>NWU-NEWS. News272.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potcefstroom - Sekolo sa Thutabomodimo se tlhomile Porofesa Rantao Letšosa go nna motlatsa-moreketoro wa sone wa montsho. Mo kokoanong ya bošeng jaana ya baeteledipele ba Sekolo sa Thutabomodimo, porofesa Letšosa o ne a tlhomelwa tiro eno dingwaga di le tharo tse di tlang. Porofesa Letšosa, yo e leng motlhatlheledi mo setlhopheng sa dirutwa tsa Ditiro Tsa Bodumedi Tsa mo Setheong, jaanong gape ke leloko la komiti-khuduthamaga ya Legoro la Thutabomodimo kwa Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima.
Porofesa Jorrie Jordaan, yo e neng e le motlatsa-moreketoro, o tlhomilwe go nna moreketoro wa Sekolo sa Thutabomodimo mo go lone lobaka lono lwa nako. Lobaka lwa nako lwa ga Porofesa Ben de Klerk lwa go nna morekotoro lo a fela mo bokhutlong jwa ngwaga ono. Porofesa Letšosa o ne a lalediwa go tla mo Sekolong sa Thutabomodimo ka 2006 gore a tle go nna porofesa wa Thutabomodimo kwa go sone. O belegetswe kwa Fauresmith kwa Foreisetata mme a ithuta kwa Yunibesiting ya pele ya Potchefstroom ya Thuto e e Kwa Godimo ya Sekeresete (PU ya CHE).
Fa a sena go katisediwa Thutabomodimo, o ne a falola dikirii ya gagwe ya masetase ya cum laude ka Segerika mme a fitlhelela dikirii ya gagwe ya Bongaka ya Dithuto tsa Dingwao Tsa Bokeresete ka 2005. Porofesa Letšosa e ne e le moruti wa Reformed Church mo diphuthegong tsa yone go ralala Potchefstroom kwa Boskop, Tlokwe-Botshabela le Kokosi go simolola ka 2000 go fitlha ka 2005.
O ne a etela dinaga di le dintsi tsa boditšhabatšhaba le tsa mono gae mme segolobogolo ke moithuti wa dithuto tsa dingwao tsa bokeresete tsa Se-Aforika. Mo godimo ga moo, gape o na le kgolagano e e kgethegileng le Mokgatlho wa Baebele wa Aforika Borwa. Mo e ka nnang lobaka lwa ngwaga o o fetileng, o ne a tlhophiwa go nna leloko la bosetšhaba la Khansele ya khuduthamaga ya Mokgatlho ono mme o ntse a le mokaedi wa Mokgatlho wa Baebele go tloga fela kwa tshimologong ya ngwaga ono. Mo go yone kokoano eo, o ne gape a tlhophiwa go nna motlatsa-modulasetulo. O nyetse Sylvia mme ba segofaditswe ka morwa a le mongwe.
Porofesa Rantoa Letšosa, yo e leng motlatsa-moreketoro yo moša wa Sekolo sa Thutabomodimo sa Reformed Churches ya Potchefstroom.
<fn>NWU-NEWS. News273.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Badiri ba ditshwantsho ka khomphiutara ba ba atlegileng ba boditšhabatšhaba ba babedi, e leng Peet Pienaar le Garth Walker, ba ne ba etela setlhopha sa dirutwa sa Badiri ba Ditswantsho ka khomphiutara sa Yunbesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) mo kgweding eno go tla go nna batlhatlheledi ba baeng le go tshwara dikokoano tsa go tlhabana botlhale.
Walker o itsiwe e le modiri wa ditshwantsho ka khomphiutara yo o botlhokwa le yo o nang le tlhotlheletso e kgolo tota wa Mo-Aforika Borwa ka ntlha ya go bo a nnile le seabe mo go tlhameng ditshwantsho tsa mmatota tsa selegae tse dintle. O itsege thata ka makasine wa gagwe wa i-jusi magazine.
Leno e ne e le leeto la boraro la ga Walker la go tla mo Khamphaseng. Mo ngwageng ono, o ne a tlile go abalana kitso ya gagwe le baithuti ba ngwaga wa boraro ba ba ithutelang go dira ditshwantsho ka khomphiutara. E ne ya re fa go tla sebaka sa ga Peet Pienaar, yo e leng moithuti wa maloba wa Puk, a etelela pele baithuti ba ngwaga wa bonè ka go tshwara kokoano ya go ba tlhaba botlhale. Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng Pienaar o fitlheletse go le gontsi tota mo tirong eno ya gagwe ya go dira ditshwantsho ka khomphiutara. Jaaka motlhami-mogolo wa Daddy buy me a pony, mme gone jaanong o tlhamile The President, Piet o ikgapetse dimmentlele tsa kakgolo tsa mono gae le go tswa kwa dinageng di sele e le tsa Afro Magazine e a dirileng makgetlo a le mantsi le makasine wa "with it" wa MK Bruce Lee."
Tiro e e neng ya dirwa kwa kokoanong ya go tlhabana botlhale e ka lejwa moragonyana kwa CQ-fest ka nako ya dipontsho tsa Aardklop.
Peet Pienaar le Garth Walker ba ba neng ba tshwere dikokoano tsa go tlhabana botlhale le baithuti ba ba dirang dirang ditshwantsho ka Khomphiutara.
<fn>NWU-NEWS. News274.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Bošeng jaana, Setlhopha sa Baithuti (Students in Free Enterprise [SIFE]) sa Yunibesiti ya Bokone Bophirima (YBB) se ne sa ikgapela maemo a ntlha mo dikgaisanong tsa lloko le maemo a botlhano ka kakaretso mo kgaisanong ya borobedi ya ngwaga le ngwaga ya Kgaisano ya Bosetšhaba ya Aforika Borwa ya SIFE e e neng e tshwaretswe kwa Yunibesiting ya Johannesburg (UJ).
Porofesa Kroon, Christopher May le Kobus Cronje ba ne ba nna teng kwa kgaisanong ya bosetšhaba ka maikaelelo a go kopanya baithuti ba YBB go tswa mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo, baithuti ba le robedi le magoro a le mararo a bogakolodi. Setlhopha sa YBB sa SIFE se ne sa amogela moano wa YBB - Mokgwa o moša wa go dira dilo ka dipharologano - jaaka moano wa bone ka bobone mme ba ne ba tlhoma mogopolo wa bone mo go direng gore bone le baagi ba ba leng mo tikologong ya bone ba dire kgatelopele ka go kopanya ditsompelo mmogo le dikgono tse ba nang le tsone le go beela kwa thoko dikgotlhanong tse ba sa bolong go nna le tsone.
SIFE ya YBB e ne ya nna le seabe mo kgaisanong eno lekgetlho la ntlha ka 2008 mme ya ikgapela maemo a botlhano ya bo ya tokafatsa diporojeke tsa yone le dipontshotiro tsa tsone monongwaga. Tokafalo eno ga e a ka ya ilthokomolosiwa mme setlhopha se ne sa amogela ditshwaelo tse di kgothatsang tota tsa tiro ya bone go tswa go batho ba naga ya ga bone ba SIFE le go tswa go bakhuduthamaga ba le mmalwa ba ba neng ba le teng mo tiragalong eno.
Seno e nnile maitemogelo a a seng kana ka sepe tota a a rutang a setlhopha se se potlana seno se nnileng le one se se dirang kgatelopele e e seng kana ka sepe e e bontshang gore e le ruri ba tshelela moano wa SIFE: go ntsha ga tshwene mo kgwebong.
Kgaisano ya bosetšhaba ya SIFE ke tiragalo e e gwetlhang, e e dirwang ke setlhopha, e e rwesang ditlhopha tse di nnang le seabe mo go yone maikarabelo mmogo le go di rotloetsa gore di tswelele pele go tokafatsa boleng jwa diporojeke tsa bone. Gape, kgaisano eno e ba naya tšhono ya go dirisana mmogo le go thusana ka mekgwa e e e gaisang yotlhe ya go dira tiro, e bile e tswelela pele go tokafatsa boleng jwa thuto e ba e bapalang le go atlega ka kakaretso ga lenaneo lotlhe.
Naga nngwe le nngwe e e nang le lenaneo la SIFE e tshwanelegela go rulaganyetsa ditlhopha tsa yone mo nageng ya tsone kgaisano ya bosetšhaba. Dinaga tse di nang le mananeo a magolwane gantsi tsone di tla dira gore go tshwarwe motseletsele wa dikgaisano tsa dikgaolo, mme bafenyi mo dikgaisanong tseo ba tla tlhophelwa go ya dikgaisanong tsa bosetšhaba. Setlhopha sengwe le sengwe se se gapileng kgaisano ya bommampodi ya bosetšhaba sone se tla tsenela kgaisano ya Sejana sa Lefatshe sa SIFE.
Ngaka Edward Sedibe, Mokaedi wa: Merero ya baithuti le Metshameko, Mohumagadi Maria Mopelong, Mmenejara wa: Kgatelopele ya Setheo le Kgwebo, Rre Victor Motobi, Mokaedi-Khuduthamaga wa: Tlhabololo ya Bokgoni Jwa Badiri mo Tirong le Porofesa Japie Kroon, e leng Moeteledipele wa Lenaneo le Porofesa wa tsa Kgwebo wa Sekolo sa Botsamaisi jwa Kgwebo, a na le baithuti ba SIFE - Charl Muller, Palesa Letlape, Maribe Mamabolo, Wernich Hein, Christy Wolhuter, Rafael Khoza, Dennise Kordom, le Edwin Molaletsi.
<fn>NWU-NEWS. News275.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Sefikantswe sa ga Totius, se se ntseng se le mo tshingwaneng ya segopodiso ya Totius kwa "Wasgoedspruit" fa e sa le ka 1977, se tla tsosolosiwa phatsimo ya sone ya kopore se bo se fudusediwa mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti a Bokone-Bophirima (YBB).
Seno se ne sa dirwa morago ga gore Lekgotlatoropo la Tlokwe le ntshe kamogelo ya bofelo ya semmuso ya gore sefikantswe sa mokwadi le ramaboko yono yo o itsegeng thata se newe lefelo la go mo tlotla mo khamphaseng. Go fudusediwa mono ga sone ke lengwe le matsholo a khamphaseng e a dirang a go tlotla bakwadi le baboki ba bagolo ba Bokone-Bophirima ka tsela e e kgethegileng.
Metlotlo ka letsholo la tshingwana ya mokwadi yono mo khamphaseng e ne ya simolola dingwaga di le pedi tse di fetileng mme bakwadi ba bangwe ba ba itsegeng thata ba akaretsa Sol Plaatje le Herman Charles Bosman.
Sefikantswe sa ga Totius se dirilwe e le sa mmala wa kopore mme gone jaanong se pentilwe bosetlha. Mo godimo ga moo, batho ba ba ratang go senya dilo mo mebileng ba sentse digalase tsa gagwe, mme di tlile go baakanngwa. Jo Roos, e leng mmetli wa difikantswe yo o dirileng sefikantswe sa ga Totius, ke ene a tlileng go se baakanya.
Lefelo le Totius a tlileng go bewa mo go lone mo khamphaseng ke bolebagana le Kago-Kgolo e e itsegeng thata le gaufi fela le Holo ya segopotso ya Totius.
Porofesa Annette Combrink, e leng moreketoro wa khamphase e bile e le motho yo o nnileng le tlhotlheletso e kgolo ya go dirwa ga porojeke eno, a re aterese e ntšha ya mmoki yo o tlotlomadiwang yono, moranodi wa Baebele le mokgaoganyi wa Dipesalema ka ditemana e tla bo e le ya lefelo le tota a tshwanetseng go bo a le mo go lone e bile a re ga go na pelaelo gore go thujwa ga sone go tla tla bokhutlong jwa gone.
<fn>NWU-NEWS. News276.2009-12-02.tn.txt</fn>
Vanderbijlpark - Khamphase ya Khutlo-Tharo ya Lekwa ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) e ne bošeng jaana ya amogela baithuti ba le babedi ba ba tswang kwa Free University of Amsterdam (VU).
Susan Kraakman le Evita van der Tol ga jaanong jaana ba feleletsa di dikirii tsa bone tsa masetase mo dithutong tsa Boithuta-Loago/Saense ya Loago, mme, gore ba tswelele pele ba ithuta dithuto tseno, ba ne ba dirisa dibeke tsa bofelo tse tlhano ba dira patlisiso ka go dirisana mmogo le setlhopha sa batho se se dirisediwang go dira patlisiso sa Disaese tsa Sepolotiki.
Loeto lono lwa baithuti ba babedi ba morago ga lokwalo lwa boalogane lo ne lwa felela ka tumalano e e leng teng gone jaanong ya tirisano mmogo fa gare ga YBB le VU - e e tswelelang pele go atologa gone jaanong. Patlisiso (ya moithuti yo mongwe) ke ya setlhogo se se malebana le go dira gore basadi ba ikemele ka nosi jaaka karolo ya go kopanngwa ga YBB mme ya yo mongwe ke ya setlhogo ka diphelelo tsa go kopanngwa ga badiri botlhe ba dikhamphase tse di farologaneng.
Ka ntlha ya moo, ba ile ba tshwara dipotsolotso di le mmalwa tse di tseneletseng le badiri ba le mmalwa ba ba farologaneng ba barutegi le badiri ba baema-nokeng.
Nako eno ya patlisiso gape e ile ya akaretsa go dirwa ga maeto a patlisiso a go ya kwa Dikhamphaseng tsa Potchefstroom le Mafeking.
Ngaka Herman van der Elst (fa gare) a na le Susan Kraakman le Evita van der Tol.
<fn>NWU-NEWS. News277.2009-12-02.tn.txt</fn>
Vanderbijlpark - Tlotlo e kgolo le boitlhaolo jo bogolo bo wetse moakatemi le mmatlisisi wa mo Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa ya mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima(YBB), moporof Bertus van Rooy, ka e le gone maloba a tlhophiwa ke NRF(National Research Foundation) go nna tokololo ya Komiti ya Phetiso ya Baatlhodi.
Go ya ka Moporof Van Rooy KPB e na le boikarabelo jwa go kwadisa babatlisisi kwa NRF. "Mo komiting nna ke emela diphanele tsa kwadiso di le palo e e ka nnang lesome ka mo komiting ya phetiso ka mo disaenseng tsa botho," ga tlhalosa Moporof Van Rooy.
O oketsa gape gore tiro e kgolo ya komiti ke go tswelela go lebelela popo le thulaganyo ya dikarolo tsa kwadiso le kamogelo ya kwadiso. Gape tiro ya komiti ke go atlhola dikwadiso tsa A le tsa P tse di filweng ke diphanele, le go lebelela mabaka mo diphanele di sa utlwanang ka kwadiso e e rileng.
Moporof Van Rooy gape mokopantshi wa phanele ya Ditlhangwa, Dipuo le Thutapuo mo ene le badirammogo ba bararo ba gagwe ba tshwanetseng go thapa baatlhodi ba dikopo tse di amogelwang tsa go kwadisiwa. Morago ba tshwanetse go amogela dikatlholo le direpoto tsa baatlhodi mme ba bone gore mokopi o amogela kwadiso ya NRF efe. Kwadiso e e diriwa gammogo ka bogakolodi jwa baatlhodi ba babedi ba ipusang. Wa ntlha ke moatlhodi go tswa mo serutweng se sengwe ka maitemogelo ditiro tsa NRF gammogo le modulasetulo yo a leng motlhankedimogolo wa NRF.
"Ke na le tebogo e kgolo go na le tshono ya go na le boikarabelo jo bogolo go thusa le go tsaya karolo go ka ithuta ka ga patlisiso mo setšhabeng le go e tswedisa. Nako e nngwe ke dula ke atlhame fela fa ke akanya ka ga tshono e NRF e e mphang yone. Tlotlo e e mpontsha gore mo nakong e e fetileng ke ne ka atlhola babatlisisi ba bangwe ka kelotlhoko le ka tshiamo le ka tekatekano", ga akanya Moporof Van Rooy.
Ka a le Moporofesara wa Patlisiso wa ka mo Sekolong sa Dipuo, Moporof Van Rooy, ga a tseye karolo fela mo patlisisong mme o na le boikarabelo gape go ema nokeng baakatemi le badirammogo ba bangwe ka patlisiso ya bone. Go dira tiro e ya kemo nokeng ke go nna mogakolodi le mothusi wa badirammogo le go ba thusa go lemoga ditshono tsa go ka dira patlisiso.
Ka Moporof Van Rooy a le moitsethutapuo, o rata thata go batlisisa mokgwa o batho ba dirisang puo ka one. "Dingwaga tse di robedi tse di fetileng ke ile ka lebelela thata mokgwa o batho ba e leng babui ba Seesimane ba puo ya bobedi, ba se dirisang ka teng ka mo Aforika Borwa," ga tlhalosa Moporof Van Rooy. Maikaelelo a ne a le go lemoga gore go na le dithulaganyo tse di leng teng tse di leng teng mo tirisong e ya puo le gore di ka tlhaloswa jang. Jaanong jaana o mo tirong e kgolo ya go kwala buka ka ga maitemogelo a gagwe ka ga lebaka le mme o na le tsholofelo ya go ka e fetsa mo gare ga ngwaga e e tlang. Ka dilemo tse pedi tse di fetileng tsepamo ya gagwe e ile ya fetela ka mo mabakeng a mangwe a tiori go feta. O batlisisa thata go lebelela gore ke tshedimosetso efe e e beiwang ka mo tlhogong, e e go thusang go ka bua le go tlhaloganya puo. Potso e a e botsang thata ke gore kitso ya rona ya puo e ntse jang - a ke melao ka kitso e e ithutilweng kampo ke mabaka a mantsi a a ithutilweng a a tswang ka mo maitemogelong a rona a go dirisa dikao tse re kileng ra di dirisa?
Go bonagala ka pele gore patlisiso ke phisego e kgolo ka mo go Moporof Van Rooy mme a re a sa le a lemoga thato ya gagwe ya go dira patlisiso ka mo dithutong le boiphedisong tsa gagwe tsa pele ga dikerii. Ke dilemo tse di lesomesupa a le mo patlisisong jaanong mme e santse e mo kgatlhisa thata. "Ga ke ise ke emise go dira patlisiso e bile ga ke batle go emisa go e dira," ga tshega Moporof Van Rooy.
O tlhalosa gore mo go ene go monate thata go tlhaloganya gore puo dirisiwa jang le gore ga a kgone go ikhutsa fa a se a bone tharabololo ya dipotso tse di seng di arabiwe.. Mosadi wa ga Moporof Van Rooy, Susan, o rata patlisiso jaaka monna wa gagwe. Se se dira gore ba dirisane mmogo thata mme ba tlotle monate ka ga patlisiso ka e ba kgatlhisa ka bobedi mme se se dira gore ba nne nngwe ka mowa le ka tiro.
Moporof Bertus van Rooy le mosadi wa gagwe, Moporof Susan Coetzee-van Rooy.
<fn>NWU-NEWS. News278.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) e ipaakanyetsa go ka ja mokete o mogolo wa ngwaga ya go nna teng ya 140. Go ka diriwa jalo ka go tlisa le palo ya dilo tse dintšhwa ka mo khamphaseng.
Mokete wa mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya YBB wa ngwaga ya 140 e tla ya kwa godimo ka maemo ka Labotlhano wa 16 Diphalane ka nako ya go bula lefikantswe la ga Totius ka mo Khamphaseng. Mabota a a nang le maina a baithuti ba baeteledipele ba kgale a tla bulwa le one gaufi le lefikantswe la baithuti ba kgale le ba le bitsang "wasgoedpennetjie". Maina a baeteledipele ba go tloga ka 1894 a tla kwadiwa ka mo maboteng a.
Le ka lone letsatsi leo go tla amogelwa baithuti ba ba ikwadisitseng ka 1959 ka mo Yunibesiting ya pele ya Potchefstroomse Universiteit vir Christelike Hoër Onderwys (PU vir CHO). Reyuniene ya dingwaga di le 50 ke karolo ya mekete ya dingwaga di le 140 tsa mo Khamphaseng ya mo Potchefstroom. Ofisi ya Alumni e ka rata go bona palo e kgolo jaaka go ka kgonagala ya baithuti ba kwa reyunieneng.
Legoro la Thuto le POK ya pele ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya YBB le lone le na le dilemo di le 90 ngwaga e mme le bone ba tshwara reyuniene ya baithuti ba kgale. Le baithuti ba kgale ba kwa POK le bone ba tsentswe le bone mo dithulaganyong tse. Nako ya reyuniene e beilwe go nna ka 17 Diphalane. Baithuti ba kgale go tloga ka 1919 ba mo kholetšheng le mo Legorong la mo Potchefstroom ba tshwanetse go itsisa fa ba ka rata go tla kopanong.
Ikopantse ka nako ka pele jaaka go kgonagala le ofisi ya Alumni fa o ka rata go tsena dikopano tse di mo godimo. Mogala: (018) 299-2562 kampo romela eposo kwa go vincent.eastes@nwu.ac.za (Link: mailto:vincent.eastes@nwu.ac.
<fn>NWU-NEWS. News279.2009-12-02.tn.txt</fn>
Ofisi ya Setheo - Setlhamo sa Molao sa DM Kisch le sa DALRO (Dramatic, Artistic and Literature Rights Organisation ke gone ba abetseng Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) palo e kgolo ya madi gore ba kgone go laola, go tshegetsa le go aga ditshwanelo tsa thuo ya kitso.
Mor Marius le Roux, moitseanape wa dipatente wa kwa DM Kisch le Mor Gérard Robinson, Mokaedi wa Mokhuduthamaga le Taolo wa DALRO, ba file Ngk Theuns Eloff, Motlatsamokhanseliri wa YBB, kabelo ya bone ya ngwaga le ngwaga ka nako ya mokete wa go itisa fela kwa Gauteng.
Madi a tla dirisiwa ke badiri ba Ofisi ya Molao ka mo Ofising ya Setheo ya YBB go ka ya kwa diseminareng le kwa dikhonferenseng tsa setlhogo sa Thuo ya Kitso le go ka ya go etela baitseanape ba kwa ditheong tse dingwe le balekane ba bone ka mo karolong e e poraefete gore ba kgone go fana ka kitso le tirisanommogo ka ga setlhogo se.
Ngk Eloff ka nako ya kopane e, o ile a leboga ditlhamo tse pedi tse ka thuso ya borutegi le kemo nokeng e ba tswelelang go e fa Yunibesiti. Ene o rile gore o lebogela tirisanommogo le botsalano magareng a bone le Yunibesiti e e agilweng mo dilemong tse di fetileng le e e tswelelang go agiwa.
Borre At van Rooy, Kevin Dam le Marius le Roux ba kwa DM Kisch le Mor Gérard Robinson, Mokaedi Mokhuduthamaga: DALRO o na le Ngk Theuns Eloff, Motlatsamokhanseliri wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB), mor Frans Kruger, Mokaedi wa Setheo: Tirelo ya tsa Semolao le Mpho Modupe wa Ofisi ya Bokaedi jwa Dipuo.
<fn>NWU-NEWS. News28.2009-12-02.tn.txt</fn>
Baithuti ba ba fetang 750 ba Yunibesithi ya Bokone - Bophirima (NWU) ba tsenetse go nna ditokololo tsa Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Golden Key monongwaga.
Baithuti ba bokgoni jo bo kwa godimo ba ne ba tlhomamisiwa kwa moletlong o o kgethegileng kwa Khampaseng ya Potchefstroom o kwa go ona Prof Annette Combrink, Moreketoro wa Khampase e neng e le sebuisegolo.
Botokololo mo Mokgatlhong o - jo bo tlotlang, bo lemoga le go rotloetsa go dira go gaisang mo go tsa seakademi gareng ga baithuti - bo ikaegile gotlhelele ka boleng-tshwanelo. Ke diphesente di le 15 fela tsa baithuti ba maemo a a kwa godimo ba ba feditseng bogolo ngwaga o le mongwe wa dithuto ba ka kgonang go tseeletswa mo lenaaneng le.
Baithuti ba le somasupa go tswa kwa Khampaseng ya Vaal Triangle le ba le 699 go tswa kwa Khampaseng ya Potchefstroom ba kgonne go tsenela botokololo jo jwa maemo a a kwa godimo a.
Golden Key e tlhagisa dikabo di le tharo ngwaga mongwe le mongwe kwa kgaolong nngwe le nngwe ya mokgatlho wa yona mo Aforika Borwa. Bafenyi go tswa kwa NWU ke Daniëlla du Plooy, Paulette Goedhart le Lusilda Boshoff.
"Bafenyi ba dikabelo tse tharo ba tlhophilwe ntle le boitebo bope ke Mokgatlho wa Golden Key wa Boditšhabatšhaba go ikaegilwe ka diphitlhelelo tsa bona tsa seakademi, boineelo mo tirong, ditiro tsa kwa ntle ga phaposiborutelo, maemo a bona a boeteledipele le boineelo mo tirelong setšhaba," go bua jalo Ms Corrie Postma, mogakolodi wa Kgaolo ya Golden Key e e mo Khampaseng ya Potchefstroom.
Jaaka NWU e na le rekoto e e tshelang tota mo Kgaolong ya Golden Key, baithuti ba le babedi go tswa kwa Khampaseng ya Vaal Triangle, e bong Leandra van Wyk le Ntloobone Makhongoana, ba ne ba tsenngwa jaaka baemedi ba Golden Key go emela Khampase ya bona monongwaga.
Go feta moo, Prof Daan van Wyk, Motlatsa - Moreketoro wa tsa Seakademi kwa Khampaseng ya Potchefstroom, Prof Nhlanhla Maake, Mokaedi kwa Khampaseng ya Vaal Triangle, le Mrs Corrie Postma, wa Khampase ya Potchefstroom, ba ne ba tsenngwa jaaka ditokololo tsa tlotlego tsa Mokgatlho kwa moletlong wa ditlhomamiso. Maake le Postma ba tla dira gape jaaka bagakolodi.
Postma le baithuti ba le bane, Leandra van Wyk (Khampase ya Vaal Triangle), Christelle van Dyk wa Potchefstroom, Micole Froneman le Betina Louw ba tla tsenela Khonferense ya Golden Key ya Boditšhabatšhaba go tloga ka 11 go ya go 14 Phatwe kwa USA.
Ka 2000, Khampase ya Potchefstroom e nnile ya ntlha go nna batsholabaeng ba Kgaolo ya Golden Key mo Aforika Borwa. Go sa tswa go latela seo, e fentse dikabelo di le mmalwa tsa boditšhabatšhaba mo dingwageng tse di sa tswang go feta tsa botsamaisi jo bo gaisang jwa botokololo, go nna kgaolo e e gaisang ya Golden key le porojeke e e gaisang ya setšhaba e e setseng e kile ya dirwa.
<fn>NWU-NEWS. News281.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Moporesitente wa pele le mokhanseliri wa pele wa PUK, Mor FW de Klerk, mo beke e e tlang o tla nna sebui sa borobedi ka dithuto tsa ga FW de Klerk tsa ngwaga le ngwaga ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB).
Mor De Klerk ka letsatsi la 12 Diphalane e tla fana ka thuto e e bidiwang "'n Toekomsperspektief op grondwetlike stabiliteit geprojekteer vanuit my vertolking van die relevante gebeure van die afgelope twintig jaar".
Legoro la Molao ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya YBB e simolotse dithuto tse ka ngwaga wa 2002 mo mor De Klerk a ne a simolola ka dithuto tse tsa ngwaga le ngwaga. Ka nako ya puo eo ya ntlha o ne a tlhagisa gore dipuo tse di tla nna tshimologo ya dikakanyo tse di bopang le dikakanyo tse di agelang pele mme di tlise le tsholofelo e e tla tswelang mosola setšhaba le batho ba sone.
Modini wa Legoro, moporof Francois Venter, a re dithuto tse ga di ngaparele phati epe ya dipolotiki tsa kgale le tsa jaanong jaana. Legoro le YBB-Puk e tlhometse dithuto tse go ka fa baitsegotlhe le baitseanape ba go tswa mo setšhabeng sa Aforikaborwa tshono ya go ruta dithuto tse go ya ka maitemogelo le dikakanyo tsa bone.
Dithuto tse dingwe tsa pele di ne di rutiwa ke Moatlhodi Dikgang Moseneke, Moatlhodi Louis Harms, Moatlhodi Kate O'Regan, Moatefokate Jan Henning, Moatefokate Paul Hoffman le Moatlhodi Deon van Zyl.
Thuto ya 12 Diphalane e tla tshwariwa ka 18:00 ka mo holong ya seka-lekgotlha ka mo kagokgolong ya kgale ya mo khamphaseng.
Go ka botsa o ka itshwaragantsa le moh Doepie de Jongh kwa 018 299 1948 kampo o ka romela eposo kwa go doepie.dejongh@nwu.ac.za Link: mailto:doepie.dejongh@nwu.ac.
<fn>NWU-NEWS. News282.2009-12-02.tn.txt</fn>
Ofisi ya Setheo -Terasete e e ntšhwa ya YBB ya Tlhabololo ya Loago e kopane sa ntlha ka letsatsi la 31 Phatwe 2009. Mor Lambert van der Nest, Tlhogo: Mokhudutamaga wa setlamo sa paakanyo ya tlholego le ya go aga, Frazer Alexander, ke ene yo o tlhophilweng go nna Modulasetulo wa Boto ya Batlhokomedi.
Batlhokomedi ba tshwanetse go tlhokomela matlole le diporojeke tsa merafe tsa Yunibesiti le baabedi ba bangwe ba matlole.
Yo mongwe wa Batlhokomedi, moh Reanna Rossouw wa kwa Next Generation Consultants, o kgatlhisitswe thata ke mokgwa wa YBB wa tlhabololo e e tswelelang. "YBB ke setheo sa bobedi ka mo Aforika Borwa se se dirisang motlele e. E nngwe ke setheo sa Tshikululu Social Investments, mme yone ke e nngwe ya dithulaganyo tsa diagente tse di laolang madi le matlole a tsadiso a korporatifi a loago mo Aforika Borwa."
Moh Bibi Bouwman, Molaodi wa YBB: Tirisano le Merafe, a re ba tla itsisa gore melao le dithulaganyo tsotlhe di siame mme Terasete e eme sentle go ka lebelela dikopo tsa matlole.
Terasete ya Tlhabololo ya Loago le tla kopana gape ka kgwedi ya Ngwanatsele.
<fn>NWU-NEWS. News283.2009-12-02.tn.txt</fn>
Vanderbijlpark - Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ngwaga e e kgatlhegile go ka na le baikwadisi ba le 7 mo kgaisanong ya tlotlo ya Tekanyetso ya Nedbank le Old Mutual.
Wiehan Peyper le Henri Mans.
Go ya ka mor Andre Mellet, motlhatlheledi wa mo Sekolong sa Disaense tsa Ikonomi, Khamphase e bona katlego e kgolo mo kgaisanong e ya ngwaga le ngwaga mme ba na le tsholofelo ya gore khamphase e tla tlisa mampodi gape ka mo karolong e nngwe ya kgaisano.
Dilemo tse pedi pela ga jaanong moithuti wa mo Khamphaseng, moh Linda Dingiswayo, o kwadile hisetori sešwa ka go nna mofenyi wa ntlha wa mosadi wa kgaisano ya baithuti ba morago ga didikerii.
Ngwaga e YBB e eme sentle ka palo ya batsayakarolo ba ba lesome ka mo go ba ba 40 mo kgaisanong mme se se dira gore re nne yunibesiti ya mampodi ka go tsaya karolo mo kgaisanong. Ka mo Khamphaseng mor Mellet le moh Diana Viljoen ka bobedi ba nnile morulaganyi le motlatsa-morulaganyi wa kgaisano.
<fn>NWU-NEWS. News284.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Setlhopha sa mmino sa Khamphase ya Potchefstroom sa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima se tlile go nna le seabe mo Moletlong wa Bosetšhaba wa go Opela wa Old Mutual ka Sedimonthole.
Setlhopha seno sa mmino se sa tswa go ntsha ga tshwene mme sa gaisa tse dingwe mo kgaisanong ya mo porofenseng. Ditlhopha di le robedi tsa mmino tsa mo porofenseng di ne tsa gaisanelana kwa porofenseng ya Bokone Bophirima.
Modulasetulo wa Setlhopha seno sa Mmino e leng Comfort Leshomo a re ono ke ngwaga wa borataro setlhopha seno se ntse se nna le seabe mo kgaisanong. Fa e sa le ka 2007, se ile sa gatelapele go tswa mo maemong a boraro mme sa ikgapela a ntlha.
Setlhopha seno sa mmino se ne sa gaisana mo setlhopheng sa ditlhopha tsa mmino tsa bogolo jo bo tlwaelegileng mme se ne sa tshwanelwa ke go opela pina ya Seesemane le ya Se-Aforika ka nako ya dikgaisano tsa mmino.
Setlhopha sa mmino sa Khamphase ya Mafikeng se ne sa fitlhelela maemo a boraro mo setlhopheng sa ditlhopha tsa mmino tse di dirilweng gore e nne tse dikgolo.
Setlhopha sa mmino se tla tsaya karolo mo kgaisanong ya bosetšhaba kwa Pretoria ka 11 le 12 Sedimonthole.
<fn>NWU-NEWS. News285.2009-12-02.tn.txt</fn>
Ofisi ya Setheo - Maloko a Lekgotla le le Emelang Baithuti (SRC) a le Someamararo le borobedi go tswa kwa dikhamphaseng tse tharo tsa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) a ne a tshwara kokoano ya go tlhabana botlhale bošeng jaana kwa bonnong jwa Valley.
Go ya ka Ngaka Edward Sedibe, Mokaedi wa Merero ya Baithuti le wa Metshameko; boikaelelo jwa kokoano eno e ne e le go dira gore baeteledipele ba baithuti go tswa kwa dikhamphaseng tse tharo ba nne seoposengwe mme bangwe le bangwe ba tlhaloganye setso sa ba bangwe. Rre Tonny Manning o ne a eteletse kokoano eno pele.
Ngaka Theuns Eloff le Rre Theo Venter le bone ba ile ba neela dipuo ka ga dintlha dingwe tsa botlhokwa malebana le mokgwa wa Botsamaisi jwa YBB. Rre Ishmael Mkhabela o ne a neela puo ka Boemo jwa Dinokeng. Puo ya gagwe e ne e le ka ga "Baithuti le Dikgwetlho Tse di Dikgolo tse Aforika Borwa e lebaneng le tsone: Motlotlo ka Boemo jwa Dinokeng".
Kwa bokhutlong jwa kokoano eno, baithuti ba ile ba kopa gore kokoano e e tshwanang le eno e tshwarwe ka metlha.
<fn>NWU-NEWS. News286.2009-12-02.tn.txt</fn>
Ofisi ya Setheo - Yono ke De la Rey Venter, yo bošeng jaana a neng a tlhomiwa go nna tlhogo ya lefatshe lotlhe ya setlamo sa Shell Group sa LNG (Liquefied Natural Gas).
O nna kwa The Hague kwa Netherlands. Maemo a gagwe a amana le go etelela pele kgwebo ya Shell ya gase ya tlhago e e fetotsweng go nna seedi.
LNG ke sengwe sa ditlamo tse di golang tsa bodirelo jwa eneji, mme gape setlamo sa Shell ke bodirelo jo bo simolotseng kgwebo eno e bile bo e eteletse pele.
Ke tiro e e gwetlhang le e e kgatlhang thata ya diporojeke tsa dibilionebilione tsa diranta mo lefatsheng lotlhe, ya dipolotiki tsa lefatshe, dipolotiki ka ga eneji, ditherisano le ditheo tsa maemo a a kwa godimo le kgaisano e e seng kana ka sepe.
Ka thuso ya kgatelopele ya thekenoloji, re ka kgona go golaganya metswedi ya gase ya tlholego le mebaraka gongwe le gongwe mo lefatsheng gompieno, mme re tshwaragane le go dira kgatelopele e nngwe gape ya go epa gase ka tshireletsego le e e nang le matswela go tswa mo botennyeng jwa lewatle le go tswa kwa godimo ga Karolo yotlhe ya Bokone Jwa Lefatshe.
De la Rey o goletse kwa Lefelong la Seka-Sekaka la Kapa Bophirima pele a ithutela dikirii ya Bcom kwa Khamphaseng ya Potchefstroom. O ne a re go na le dilo tse motho a ka se kang a di lebala ka lefelo leno le batho ba lone.
"Ke lefelo le le tletseng ka batho ba ba ikanyegang, ba ba nang le mekgwa e mentle, ba ba nang le tsholofelo ka isagwe le ba ba sa latlheleng seditse mo maitekong ape a ba a dirang - mme e bile gape ke batho ba ba nnang fela ba itumetse (ka dinako tsotlhe), le fa ba sa huma."
Kwa PU ya CHE ya pele, o ne a newa sebaka sa go ithutela bokgoni jwa go etelela pele. "Khamphase ya Potchefstroom e ne ya nnaya ditšhono tse di mosola tota tsa go lekeletsa bokgoni jwa me le go bapala maitemogelo."
Ka ntlha ya moo, sengwe sa dilo tse De la Rey a neng a di dira e ne e le go nna leloko la lekgotla la Letsholo la Bosetšhaba la Kgwebo (National Business Initiative [NBI]) le go nna leloko la setlhopha sa botsamaisi sa Open World Initiative, e leng ditheo tse ka bobedi di emang nokeng tlhabololo ya mo lefatsheng lotlhe le botsamaisi jwa kgwebo e e nang le maikarabelo le tlhabololo ya loago. O ne a ithutela dikirii ya Bcom ya Onase kwa Yunibesiting ya Johannesburg ka 1997.
Ka 1998 o ne a ya Netherlands, koo a neng a fitlha a direla Billiton Marketing BV, sa ntlha jaaka mmenejara wa dikumo mme moragonyana jaaka mmenejara wa kanamiso ya dikumo. Ka 2001, o ne a tsaya boikhutso jwa lobaka lwa ngwaga go feleletsa MBA kwa IMD, e leng sengwe sa dikolo tsa kgwebo se se di gogang kwa pele mo lefatsheng kwa Lausanne, Switzerland. Fa a ne a le kwa go sone, o ne a kopana le baeteledipele ba mo isagweng ba kgwebo go tswa kwa dikarolog tsotlhe tsa lefatshe. Ngwaga morago ga moo, o ne a simolola go direla Shell, e bile o ne a aga kwa dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe.
"Seno ke go atlega ka selekanyo se se rileng fela," o ne a bua jalo fa a ne a tlhalosa gore o ikutlwa jang ka yone. "Tsela e nna ke dirang dilo ka yone ga se go gagamalela katlego (kgotsa mekgele), mme ke go se fetole motho yo ke leng ene, go nna le kamano e e siameng le batho ba ba farologaneng, go nna le botsalano jo bo itumedisang le batho ba bangwe le go tlhagisa tiro e e fitlhelelang ditekanyetso tse ke di beileng tsa boleng - mmogo le go dira ka natla jaaka pele le go kgotlhelela mo tirong.
Ke motho yo o ratang kgaisano, mme ke gaisana le nna a bonna! Ka gale, mo tirong ya kgwebo ya lefatshe lotlhe go botlhokwa go nna le kitso e ntsi ka mo go lekaneng le go tlhaloganya dipolotiki tsa lefatshe, ikonomi, hisitori le ditso tsa batho mo lefatsheng lotlhe. Ke dilo tse ke di ratang thata ka jalo go di itse ga go nthatafalele.
<fn>NWU-NEWS. News287.2009-12-02.tn.txt</fn>
Mafikeng - Ofentse Sebitlo e leng moithuti wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima kwa Khamphaseng ya Mafikeng, yo o mo ngwageng wa gagwe wa bobedi, o ne bošeng jaana a tlotlomadiwa jaaka rrakgwebo yo mmotlana.
Ga jaanong jaana Sebitlo o ithutela Bachelor of Commerce mo go tsa Kabo ya Dikumo mo Lefapheng la Dipalangwa mme o ikgapetse awate kwa Diawateng tsa Africa 2009 tsa Dikgwebo-Potlana le Dikgwebo Tsa Bogolo jo bo mo Magareng kgotsa SMME (Small Medium and Micro Enterprise).
Ke phitlhelelo e e seng kana ka sepe go bo a fitlheletse maemo a bobedi mo Aforika. Sebitlo o ne a tshwaela jaana: "Le fa ke ile ka kaiwa ke le wa maemo a bobedi jaaka mogwebi yo mmotlana mo Aforika, nka bua ka tshosologo gore ga go na sepe sa maemo a bobedi fa re tla mo bokgoning jwa rona jwa go gaisana le bagwebi ba maemo a a kwa godimo thata mo lefatsheng."
Sebitlo o ne a emetse naga ya rona jaaka mmenejara wa porojeke mme boikarabelo jwa gagwe e ne e le go tlhama moano wa kgwebo wa MIDZ (Mafikeng Industrial Development Zone) o tiro ya one e neng e le go dira gore bokgoni jo Montsamaisa Bosigo e nang le jone jwa go tsenya letsogo mo go tlhabololeng Mafikeng bo bonale sentle.
Montsamaisa Bosigo ke khamphani ya ga Sebitlo e a ntseng a e okametse dingwaga di le nne. Khamphani eno e tlamela ka ditirelo tse di jaaka Go Tlhama Thulaganyo ya Kgwebo, Botsamaisi Jwa Diporojeke, Thulaganyo ya go Tlhama Dilo Seša, Botsamaisi Jwa Kgwebo le Jwa Ditšhelete, Tshekatsheko ya Kgonego ya go Bula Kgwebo, Thulaganyo ya Dipapatso, Dithendara, Thulaganyo ya go Ema Bagwebi ba ba Fatlhogang Nokeng mo Tirong ya Bone, Katiso ya Bakhuduthaaga, Dikopo Tsa go Tlamelwa ka Ditšhelete le Go Katisediwa go Dirisa Khomphiutara.
Ke batla go gakolola botlhe ba ba batlang go nna le dikgwebo gore o tla nna lesego fa o le pelokgale, ga o tlhoke go ipelaela le go inyatsa.
<fn>NWU-NEWS. News288.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Mabelo e ne a tlhagelela gantsi gape kwa moletlong wa diabo tsa bagaka ba metshameko ba bomme le borre ba Yunibesiti ya Bokone Bophirima, Khamphase ya Potchefstroom.
Dilalelo tsangwaga le ngwaga tsa metshameko di ne di jelwa kwa Banquet Hall. Sebui sa letsatsi e ne le Moreketoro wa Khamphase ya Potchefstroom, Moporofesara Annete Combrink, yo o tla rolang tiro fa ngwaga ono o fela.
Diabo di le tharo tsa di le nne e ne e le tsa mabelo. Rramabelomogolo wa ngwaga ke Elroy Gelant yo o boneng metale wa bronze kwa World Student Games kwa Serbia mo lebelong la dimitara di le 5000.
Sunette Viljoen motshameki wa ngwaga - yo e neng gape e le motshameki wa ngwaga ka 2003 le 2004. Monongwaga o tokafaditse rekoto ya basadi ba Aforika ka Javelin ya dimitara di le 65,43 mme a iponela metale wa gauta kwa World Student Games in Serbia.
Ulrich Damon ke motshameki wa banna yo o mmotlana wa monongwaga. Monongwaga o ikgapetse dimetale tsa gauta tsa; SA Junior, USSA le Africa Junior. Sekgala sa gagwe sa 78,58 ke maiteko a bobedi a a gaisang mo lefatsheng monongwaga.
Nadia Uys ke mosadi wa motshameki yo mmotlana wa ngwaga wa Khamphase ya Potchefstroom. Mo ngwageng ono, motshameki wa bolotloa wa maemo a kwa godimo o emetse setlhopha sa SA 6 Zone, Setlhopha sa Aforikaborwa sa dingwaga tse di ka fa tlase ga 20 mmogo le setlhopha sa Aforikaborwa sa ka fa tlase ga dingwaga di le 21 (ke dithonamenteng di le pedi).
Monongwaga khamphase ya Potchefstroom e neelane ka maloko a setlhopha a le 21 go ditlhopha tsa USSA mme baithuti ba le sometharo ba Khamphase ya Potchefstroom ba emetse ditlhopha potlana tsa bosetšhaba le ditlhopha tsa B.
Baithuti ba le robedi go tswa kwa khamphaseng ya Potchefstroom ba amogetse temogo ya bosetšhaba: Loreen Irvine (hokhi), Chrisna Bootha (bolotloa), Sunette Viljoen (mabelo), Linda van den Biggelaar (duathlon), Kobie Ross (karate), Leon Els (thenese ya wheelchair), Pierre Breitenbach (bowls) le SF Scheepers (bisley shooting).
Puksport e tlisa pharologano e tona mo porofenseng ya Bokone Bophirima . Go feta baithuti ba le 350 ba Khamphase ya Potchefstroom ba ne ba emetse naga dikarolong di le robedi.
<fn>NWU-NEWS. News289.2009-12-02.tn.txt</fn>
Potchefstroom - Baithuti ba le barataro ba ngwaga wa bofelo ba ba Dirang Ditshwantsho ka Khomphiuta ba Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) ba boeleditse gape katlego e ba nnileng le yone dingwaga di le tharo tse di fetileng mo tiragalong ya ngwaga le ngwaga ya Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa go Dira Thulaganyo-Kgabô ya ditshwantsho (International Society of Typographic Designers [ISTD]).
Gape, YBB e ne e le sone fela setheo mo Aforika Borwa go fitlhelela Maduo a Mantle (a a kwa godimo ga 70%) le Awate e e Kgethegileng (80% kgotsa go feta).
Ba ba neng ba falola bontle e ne e le Liani Herbst, Tilana Hoffman le Ilze Vermaak. Sophia Strydom le Jaco Burger ka bobedi ba ne ba amogela Maduo a a Kwa Godimo ga Diperesente di le Masomesupa mme Emarie Gouws ene o ne a newa Awate e e Kgethegileng.
Sekema sa tlhatlhobo sa ISTD se fitlhile mo ngwageng wa sone wa bo 31 mme se leka ka natla go rotloetsa baithuti gore ba fitlhelele modiro wa boleng jo bo kwa godimo wa thulaganyo-kgabô ya ditshwantsho mo ditheong tsa mono gae. Baithuti ba newa ditaelo tse ba tshwanetseng go tlhopha mo go tsone tse di farologaneng tse di raraaneng tsa go tlhama ditshwantsho ka khomphiuta, mme fa ba ka falola morago ga tlhatlhobo ya tiro ya bone, ba lalediwa go nna maloko a mokgatlho ono jaaka badiri ba ditshwantsho ka khomphiuta ba ba tshwanelegang.
Go farologana le dikema tse dingwe, Go Tlhatlhobiwa ga Baithuti ga ISTD ga se kgaisano - fa tiro e falola morago ga go tlhatlhobiwa, moithuti wa yone o lejwa e le yo o dirileng phitlhelelo e kgolo mme o lalediwa go nna leloko la ISTD. Tlhatlhobo eno ke e e tseneletseng e bile e dirwa ka botlalo - ga go lejwe fela modiro wa bofelofelo wa ditshwantsho mme go lejwa dikgato tsotlhe tse di tserweng go tswa kwa tshimologong, gape go lejwa patlisiso, ditshwantshonyana tsa ntlha, go kopana ga setshwantsho sotlhe fa se ntse se dirwa le teko ya sone ya bofelo e se fetang mo go yone le go bontshiwa ga sone.
Ditaelo tsa porojeke di kwalwa jaana go tshegetsa thuto ya mokgwa o o siameng wa go dira ditshwantsho le go rotloetsa gore porojeke eno e ithutelwe mo setheong sa yone sa thuto. Moithuti mongwe le mongwe yo o tlisang tiro ya gagwe o amogela pego ya gagwe a le esi e e dirilweng ke batlhatlhobi.
Sekema seno se lejwa e le se se dirang tiro ka botlalo le se se tlhatlhobang baithuti ka tsela e e nang le matswela gongwe le gongwe fela e bile se dirisiwa jaaka se batlhatlheledi go dikologa lefatshe ba ka tsayang malebela mo go sone.
ISTD e e leng kwa London, e tlhoma ditekanyetso kgotsa melao ya seporofešenale ya go dirwa ga ditshwantsho ka khomphiuta mo ditheong tsa thuto, ka go dirisa dikokoano tsa go tshwara metlotlo ka tsone le go ithuta go di dira. Mokgatlho o batla go rotloetsa tirisanommogo fa gare ga thuto le intaseteri eno ka go gatisa le go rotloetsa boleng jo bo kwa godimo thata jwa go ithuta mmogo ga maloko a one a boditšhabatšhaba.
Sekema seno se tshwarwa ngwaga le ngwaga e bile se tshwarelwa mo dinageng di le nne.
Rre Wessie van der Westhuizen (motlhatlheledi kwa Khamphaseng ya Potchefstroom) o ne a dirisa tlhatlhobo ya sekema sa ISTD jaaka porojeke ya baithuti ba ngwaga wa bofelo.
<fn>NWU-NEWS. News30.2009-12-02.tn.txt</fn>
Yunibesithi ya Bokone-Bophirima (NWU) e mo tseleng sentle ya go tiisa bokgoni jwa dikolo mo mafelong a a tlamelang dikhampase tsa yona ka baithuti gore ba neelane ka dikgato tse di nonofileng tsa go ruta le go ithuta.
NWU e itemogetse tlhokego ya go tlhabololo ya porokeramo ya sekolo sotlhe , ka jalo e simolotse thulaganyo ya go diragatsa Porokeramo ya Kgolagano ya Tokafatso ya Boleng jwa Thuto (Education Quality Improvement Partnerships Programme - EQUIP) go oketsa setlhopha sa baithutela dikerii le dipoloma ba ba ka nnang teng - bogolosegolo go tswa mo baaging ba ba neng ba tlhokomologilwe pele.
Go tshegetsa dithulaganyo tsa NWU MoArchbishop wa pele Desmond Tutu o gwetlhile setlhopha sa kemedi go tswa go borrakgwebo , puso le mmedia kwa London go tsweletsa motlholo wa go tlhabolola Aforika Borwa ka go abela mo thutong ya batho ba yona.
E rile fa a bua kwa moletlong wa dijo o o rulagantsweng ke NWU, mofenyi wa Kabelo ya Kagiso ya Nobele (Nobel Peace Prize) o rile fa Aforika Borwa e kgonne go fenya Tlhaolele (Apartheid) - e bong sengwe se batho ba le bantsi ba neng ba dumela fa se ka se fenngwe - go raya gore naga e le " ditsala tsa yona tse di maatla " ba ka fenya ntwa kgatlhanong le lehuma.
Tutu e ne e le sebuisegolo kwa moletlong o o neng o ikaeletse go aga tirisanommogo ya bodit š habat š haba go tshegetsa diporokeramo tsa maikarabelo a seloago tsa NWU. Mokimi š inara Mogolo wa Aforika Borwa kwa London e ne e le mong wa moletlo o kwa Ntlong ya Aforika Borwa mo bekeng e e fetileng mme Kgangkgolo ya maitsiboa ao e ne e le ' Seabe sa Thuto mo Phokotsong ya Lehuma '.
Tutu o ne a supa Yunibesithi ya Bokone-Bophirima e e sa tswang go tlhamiwa se š wa - e e leng tshwaragano ya dikhampase di le nne tse di kwa Potchefstroom , Mafikeng , Vanderbijlpark le Mankwe - e le " motlholo " ka botsona.
Yunibesithi ya Potchefstroom e ne e le mokibo wa pelo ya bosemorafe jwa MaAfrikaner , mme yunibesithi e, e ne ya tshwanelwa ke go tshwaraganngwa le yunibesithi e nngwe e [ Mafikeng ], e e neng e simolotswe ke Tlhaolele ya thuto ya Batho Bantsho ba Dipusomagae nka se kgone go akanya go go farologaneng gabedi go feta mo.
Fela boikgantshi jo ga bo farologane thata le jo e leng bonnete jwa Aforika Borwa ka boyona.
Gonne Aforika Borwa e nnile motshwantshiwa yo o ka se nneng teng mo kutlwanong ya semorafe , NWU e ka nna motshwantshiwa wa diyunibesithi tsa Aforika Borwa , e bontsha tshwaragano , kutlwano le go nna ya bomefutafuta .
Tutu o akgotse bokgoni jwa MaAfrikaner jwa kagose š wa mo teng ga Aforika Borwa o mont š hwa mme a ela tlhoko ntlha ya gore diyunibesithi tse tharo tsa pele tsa Afrikaans ga jaana ke tse tharo tsa tse di agilweng se š wa go gaisa mo ditheong tsa thuto e kgolwane.
Dr Theuns Eloff, motlatsa-mokanseleri wa NWU, o rile se e leng nnete mo Aforika ke nnete gape mo Aforika Borwa : thuto e kgolwane e ntse e ikgatholositswe mo dingwageng tse di fetileng.
Eloff o supile ntlha ya gore, mo Aforika , nngwe ya mathata a magolo a diyunibesithi di lebaganeng nao ke mofuta wa baithuti o di o amogelang go tswa mo dikolong . NWU e tshwaragane le bothata jo ka go kokoanya matlole a a kana ka £100 000 go tlhabolola dikolo di le lesome tse di neng di ikgatholositswe pele e le tse di direlang yunibesithi.
Go tlaleletsa mo go ruteng , ithuteng le dipatlisiso , NWU e bona tiragatso ya kitso e le lephata la yona la boraro la " tirokgolo ". Diyunibesithi di ka se tlhole di kgona go ikgatholosa maikarabelo a tsona gore di utlwale mo baaging ba tsona ba selegae . NWU e tla " ijalela mekhutlolo ya yona " ka go tlhabolola bokgoni jwa dikolo tse di ntseng di ikgatholositswe mo porofenseng ka diporokeramo tsa yona tsa tlhabololo . Maikaelelo ke go kwadisa dikolo di le 50 mo porokeramong e ya tlhabololo ya bokgoni ya dingwaga di le tharo ka 2007.
Rre . John Battersby , tlhogo ya Khansele ya Papatso ya Bodit š habat š haba mo Aforika Borwa , o sobokantse maitiso ka go re kgaogano ya bahumi le bahumanegi e e leng teng magareng ga dit š haba tse di tlhabolotsweng le tse di tlhabololwang e ka se ikgone . "Re tshwanelwa ke go dira gore dikolo di ikgone gore di tle di abele mo diyunibesithing tse di ka ikgonang , se e leng setlapele sa Aforika yo o tla ikgonang , yo mo go lateleng , e tla nnang setlapele sa lefatshe le le ikgonang."
Tutu o laleditse mongwe le mongwe go nna karolo ya go beeletsa mo thutong mo Aforika Borwa - ka madi le ka dilo tse dingwe fela.
<fn>NWU-NEWS. News33.2009-12-02.tn.txt</fn>
World Intellectual Property Organisation (WIPO).
Ka nako ya loeto lwa gagwe kwa Khampase ya Potchefstroom, Prof Jose-Luis Herce-Vigil, go tswa kwa WIPO kwa Geneva, Switzerland, o kaile fa Yunibesithi ya Bokone-Bophirima e le lefelo le le siametseng seteišene sa go fenena sa mofuta o, ka ntlha ya bontsintsi jwa dipatente tsa yona tse di kwadisiwang ngwaga le ngwaga.
Fa e le gore kgato e e tla latelwa, Yunibesithi ya Bokone-Bophirima e tla nna lefelo le diyunibesithi tse dingwe tsa Aforika Borwa di tla bonang tshedimosetso ya tsona ka ga dipatente tse di leng teng.
Herce-Vigil o bona Yunibesithi ya Bokone-Bophirima jaaka nngwe ya diyunibesithi tse di eteletseng pele mo Aforika fa go lebilwe ditshwanelo tsa thoto ya botlhalefi le boitshomololedi.
Loeto lwa gagwe kwa Yunibesithing ya Bokone-Bophirima le tlile morago ga gore Lefapha la Merero ya Kgwebo le Intaseteri (Department of Trade and Industry - DTI) le kope ofisi ya Setheo sa Ditirelo tsa Molao (Institutional Law Services) gore le mo amogele jaaka sebuisegolo moo a neng a ka kgona go abelana le bona kitso le boitseanape jwa gagwe mo thulaganyong tsa dipatente le boitshimololedi.
Mohumagatsana Patricia van Stafel, tlhogo ya kgolagano ya tsa setšhaba kwa DTI, o boletse ka nako ya loeto lwa gagwe gore Yunibesithi ya Bokone-Bophirima e tlhophilwe ka gonne ke yunibesithi e e leng sekao fa go lejwa merero ya tsa dipatente.
Herce-Vigil o ne a tshwarwa dipuisano ka mokgwa o e seng wa tlwaelo le babatlisisi, badira dipatente, baitseanape mo go tsa tetlokhopi le ba bangwe go tswa go ba ditshwanelo tsa thoto ya botlhalefi le boitshimololedi.
Prof Frikkie van Niekerk, Mokaedi wa Setheo sa Merero ya Badiri, Baithuti, Boitshimololedi le Dipatlisiso, o ne a bolelela Herce-Vigil ka ga hisetori ya Yunibesithi gammogo le photefolio ya yona ya ditshwanelo tsa botlhalefi.
Go ya ka Herce-Vigil batho ba tshwanelwa ke go tlhokomela gore ba se ka ba tlhama-sešwa kumo mme bogolo ba dirise seteišene sa go fenena sa WIPO go bona tshedimosetso ka ga dipatente tse di setseng di le teng. O boletse gore botoka matsapa a ka dirisetswa go tokafatsa kumo e e setseng e le teng.
Mokgatlho o, o setse o na le dinaga tse di fetang 120 tse e leng ditokololo tsa ona.
Rre Frans Kruger wa Setheo sa Ditirelo tsa Molao o tlhalositse loeto lwa ga Herce-Vigil mo Yunibesithing ya Bokone-Bophirima jaaka tlotla e kgolo e e neetseng yunibesithi go bonagala go go utlwalang kwa DTI.
<fn>NWU-NEWS. News34.2009-12-02.tn.txt</fn>
Go lebega dithulaganyo tsotlhe di tsamaya sentle jaaka borasanese ba merero ya dikotla, babatlisisi le dingaka ba kokoana mmogo kwa Kopanong ya Boditšhabatšhaba ya bo18th e e ka ga Merero ya Dikotla kwa International Convention Centre kwa Durban.
Kopano e e rulaganyeditsweng go tsena ka la 19-23 Lwetse, e tla ngokela baamegi ba ka nna bokana ka 2 500 go tswa mo lefatsheng ka bophara.
Go ya ka Prof Este Vorster, mokaedi wa Centre for Preventive and Therapeutic Interventions kwa Khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesithi ya Bokone-Bophirima, maikaelelo a kopano e ke go abelana kitso le maitemogelo gareng ga bao e leng batsayakarolo ba bagolo ba ba dirang dipatlisiso mo mererong ya dikotla, mo katisong le mo go tlhameng dipholesi.
Vorster, yo gape e leng Moporesitente wa Mokgatlho wa Dikotla wa Aforika Borwa (Nutrition Society of South Africa -NSSA) le monnasetulo wa Kopano ba rile, "Re tla tlhatlhoba gape kgatelopele ya rona ya go fitlhelela Maikaelelo a rona a Tlhabololo mo Ngwagaketeng o a go fokotsa lehuma le go sa babalesegang ga dijo".
Go re re tle re netefatse go phologa ga batho le ga polanete e ya lefatshe, Vorster o ne a umaka ka gore "baradikotla ba tlhoka go lemoga gompieno gore go sutasuta ga sekai se se tlhamaletseng se se tlang, go dira gore go nne botlhokwa go tlhalosa saense ya dikotla".
Vorster a re: "Re tlhoka ditheo tse di tla supetsang ditiro tsa rona tsela go tswa mo ponalong ya dijini go ya kwa maemong a seloago a a tla re isang kwa ntshong ya dijo tsa setso tse di amogelesegang ka mokgwa o o ka bapisegang le wa tshomarelo ya tikologo ya rona".
Dipampiri di ka nna 1500 tse di tla tlhagisiwang kwa Kopanong e, di setse di neetswe barulaganyi. Dikhutswafatso di ka nna 500 tse di amogetsweng di tswa mo kontinenteng ya Aforika.
Morero wa Kopano ke: "Nutrition Safari for Innovative Solutions".
Kopano e rulagantswe ke ba South African International Union of Nutritional Sciences e e nang le NSSA, Khansele ya Dipatlisiso tsa Kalafi (Medical Research Council-MRC), Mokgatlho wa tsa Dijo mo Aforika Borwa (Association for Dietetics in South Africa -ADSA), South African Society of Parenteral and Enteral Nutrition (SASPEN), le ba Bokaedi jwa tsa Merero ya Dikotla ba Lefapha la Pholo.
Kopano e, e tshwarwa dingwaga dingwe le dingwe di le nne, mme e tla bo e le lwa ntlha e tshwarelwa mo Kontinenteng ya Aforika.
<fn>NWU-NEWS. News35.2009-12-02.tn.txt</fn>
Khampase ya Vaal Triangle e ipela ka rekoto ya yona ya palo ya baithuti ba ba bonang didikerii tsa PhD monongwaga.
Ka ntlha ya baithuti ba ntšhwa ba le robong ba ba tla amogelang didikerii tsa bona tsa PhD kwa Moletlong wa Dikapeso tsa Dikgakologo mo bekeng e, Khampase e tla bo e na le palogotlhe ya baithuti ba PhD ba le 18 ba ba atlegileng monongwaga. Se, ke didikerii tsa PhD tse di fetang tsa ngogola ka di le 12.
Khampase e na gape le moithuti yo o atlegileng go feta wa Masters monongwaga. Ka didikerii tsa masters di le 19 go feta tsa ngogola, palogotlhe ya 2005 ke 43 fa di kopane tsotlhe. Didikerii tsa masters le tsona di tla amogelwa kwa Moletlong o wa Dikapeso tsa Dikgakologo ka Labone.
Yunibesithi ya Bokone-Bophirima e tla aba palogotlhe ya didikerii tsa PhD di le 34 kwa Moletlong o. Didikerii di eme jaana go ya ka Magoro a tsona: Arts (1), Natural Sciences (4), Theology (7), Educational Sciences (4), Economic and Management Sciences (5), Health Sciences (4) mme di le (9) e le tsa kwa Vaal Triangle.
Bonnye di le lesome tsa didikerii tsa bongaka tse dintšhwa ke badiri ba dikhampase tsa Yunibesithi ya Bokone-Bophirima ba kwa Potchefstroom le Vanderbijlpark. Gareng ga bona go na le Rre Werner Nell (Sociology) wa Khampase ya Vaal Triangle.
Go ya ka Prof Tinie Theron, Modini wa Legoro kwa Vaal Triangle, 50,6% ya batlhatlheledi mo Khampaseng ba na le didikerii tsa bongaka (PhD).
<fn>NWU-NEWS. News36.2009-12-02.tn.txt</fn>
They made it!
Go ne go bolelwa e bile go diragatse. Go na jaanong folaga ya Yunibesithi e phaphaselela kwa godimo ga Uhuru, e bong setlhoa se se kwa godimodimo sa thaba e e ikemetseng ka kgololosego ya Aforika.
Mo malatsing a le mane, setlhopha se ne sa fufulelelwa mo tseleng ya go ya kwa sekgweng sa pula se se hupetsang mowa le kwa lefatsheng la sekaka la Tanzania, pele ba simolola loeto lwa bona lo ba neng ba lo ikaeletse e le tota lwa dimetara di le 1 000 go ya kwa setlhoeng se se khurumeditsweng ke segagane ka nako ya 23:00 ka Sontaga bosigo.
Morago ga diura di ka nna supa le halofo (ka nako ya 6:30 mo tlhogong go le mo mosong) - mo dimetareng di ka nna 5 895 mo bogodimong jwa lewatle - folaga e ne ya simolola go phaphasela. Jaanong ba ne ba tshwanelwa ke go simolola loeto lwa bona lwa go boela morago.
Eloff o ne a ntse a itsese ofisi ya gagwe ka ga se se diragalang ka nako eo mabapi le letsholo lwa bona lwa go palama thaba. Mo molaetseng wa gagwe wa bofelo ka selulafounu ka Mosupologo, o ne a bolela fa setlhopha sa gagwe se le mo tseleng go boela morago go tswa kwa setlhoeng. Mo letsatsing leo, ba ne ba tshwanelwa ke go fologela kwa tlase dimetara di le 1 800 le tse dingwe di le 1 200 ka Labobedi.
O ne a re: "E ne e le kgwetlho e kgolo e le tota, fela e le katlego e kgolo gape. Botlhe re kgonne - ka thuso e kgolo. Go ne go na le go opiwa ke tlhogo le go feroga dibete go go neng go tlholwa ke kgatelelo ya maemo a lefaufau, fela tsotlhe di tsamaile sentle go ya ka maikaelelo a rona".
Motlatsa-Mokanseleri o boela gae mo Aforika Borwa gompieno mme re solofela go bona tshedimosetso e e tswang mo go ene ka tlhamalalo ka moso.
Eloff le Combrink ba ne ba patilwe ke Prof Melvin Mbao wa Legoro la Molao kwa Khampaseng ya Mafikeng le Moh. Elbie Steyn, Mokwadisi wa kwa Khampaseng ya Vaal Triangle.
Mo setlhopheng go ne gape go na le dingaka di le pedi go tswa kwa Potchefstroom, baemedi ba baithuti ba le babedi ba setlamo sa papatso le baemedi ba makasine wa banna ba ba tla phasalatsang tiragalo e e tshwanang e le nosi e ya botsamaisi jwa Yunibesithi mo nakong e e sa fediseng pelo.
<fn>NWU-NEWS. News38.2009-12-02.tn.txt</fn>
Babatlisisi ba Yunibesithi ya Bokone-Bophirima ba tlaleleditswe mo go tla ba tswelang mosola ka maboko a maswa. Mmatlisisi yo o dirisang malepa a bosaense ka matlhale, Prof Amanda Lourens o sa tswang go thapiwa jaaka mokaedi wa Ofisi ya Tshegetso ya Setheo mo Dipatlisisong go simolola ka la 1Tlhakole 2006.
Lourens, yo o tswang kwa Yunibesithing ya Thekenoloji ya Tshwane (Tshwane University of Technology) o tlisa khumo kitso ya bobatlisisi e a e bapetseng dingwaga di le lesometlhano tse di fetileng. O tla tsena ka nonofo mo ditlhakong tsa yo o neng a le fa pele ga gagwe e bong Prof Jan Geertsema yo o sa tswang go rola tiro mo malobeng le fa gona a tla bo a ntse a thusa ofisi e, a e direla jaaka modiri wa nakwana.
O simolotse tiro ya gagwe e e tlotlegang le go kgatlhisa jaaka motlhatlheledi yo mmotlana kwa Yunibesithing ya Pretoria (UP). Ka 1996, o ne a ya kwa Tekhinikoneng ya Pretoria (Technicon Pretoria, e ga jana e bidiwang TUT) kwa a neng a nna mo maemong a a farologaneng a boeteledipele. Mo boeteledipeleng jwa boithutedi jwa gagwe, o ne a nna mosola thata mo tlhabololong le tiragatso ya pholesi le ditogamaano tsa dipatlisiso le ditlhabololo mo TUT.
Ka 2004, o ne a thapiwa jaaka Moporofesara yo a Gagamatsang wa Dipalopalo mo Legorong la Disaense tsa Tlhago.
O amogelwa ka bophara mo maphateng a bobatlisisi le a seakatemi ebile o phasaleditse mo go gaisang mo dijenaleng tsa maemo mo Aforika-Borwa. O tlhagisitse dipampiri di le dintsintsi mo dikhonferenseng tsa mo gae le tsa boditshabatshaba mo dingwageng tso tsotlhe tse a dirileng dipatlisiso ka tsona.
Pele a tla mo NWU, o ne a dira jaaka mokaedi wa dipatlisiso le tlhabolo kwa TUT. Ga jana ke mopresidente wa Boto mo Aforika e e mo Borwa ya Dipatlisiso le Tsamaiso ya Boitshimololedi (South African Research and Innovation Management Board - SARIMA). Ka 2002, o dirile jaaka Mopresidente wa mokgatlho wa Aforika e e mo Borwa wa Dipalopalo (South African Statistical Association - SASA) ebile e ne ele monnasetulo wa Mokgatlho wa Dipatlisiso tsa Setheo sa Aforika e e mo Borwa (Southern African Association for Institutional Research - SAAIR) ka 1999 le 2000.
<fn>NWU-NEWS. News4.2009-12-02.tn.txt</fn>
Yunibesithi ya Bokone-Bophirima e kgata tema gompieno, jaaka e le ya ntlha mo diyunibesithing tse di kopantsweng go bega motlatsa-mokhansele wa yona wa ntlha e le wa leruri. Go thapiwa gagwe go itsesitswe kwa kopanong ya khansele ya yunibesithi kwa Potchefstroom. Ngaka Theuns Eloff, yo o nang le rekoto e e kwa setlhoeng ka ga seabe sa gagwe mo kagosesweng ya Aforika Borwa, o ne a thapiwa jaaka motlatsa-mokhansele wa ntlha wa Yunibesithi ya Bokone-Bophirima.
Tsela ya go thapa motlatsa-mokhansele e simolotse ka 12 Mopitlwe 2004 fa khansele e ne e sweetsa go tswela mo phatlalatseng le go tsaya tsela e e bonwanang ke botlhe. Komiti ya phuruphutso e e neng e akaretsa maloko a le marataro a khansele, a emetse bakgatlegedi ba ba farologaneng, e ne ya tlhophiwa, mme bone ba tlhopha Leaders Unlimited - Korn/Ferry ya Boditshabatshaba jaaka feme e e ka ba phuruphutshetsang go thusa komiti.
Morago ga go fitlhelela ditumalano ka ga porofaele ya maemo a, komiti e ne ya tsena mo letsemeng la go phatlalatsa maemo a ka kwa ntle go tloga ka 4 go ya go 8 Moranang mme taletso ya batlhophiwa go tswa go bakgatlhegedi botlhe le batsalani le yunibesithi e ne ya ntshiwa.
Ka nako ya makgaolakgang a la 19 Moranang, dikopo di le 24 di ne di amogetswe mme bontlhopheng ba le bararo ba ne ba tlhopiwa, mongwe wa bona e le yo o neng a dirile kopo le ene. Leaders Unlimited yona e ne ya supa bontlhopheng ba le lesome ka tsela ya go tlhola-pele kgatlhanong le ditlhokego tsa minimamo jaaka di totobaditswe mo porafaeleng ya tiro e.
Go ya ka tshiamelo ya melao ya Foramo ya Setheo (Institutional Forum) e gakolotse khansele ka go tlhopha bakopatiro. Khansele e sweeditse ka la 12 Mopitlwe go kopa gape le Senoto go gakolola Khansele mo go tlhopheng bathapiwa. Foramo ya Setheo le Senoto di ne tsa fetisetsa kgakololo ya bona ka 26 Moranang go komiti ya phuruphutso.
Komiti ya phuruphutso e konoseditse ka 28 Moranang lenane la bakopatiro ba le robedi go lalediwa go tsenela diteko tsa Tlhatlhobo ya Boitshwaro jwa Baetaledipele (Leadership Behavioural Assessment tests). Diteko tse di tlhomamisitse gore a ba fitlhelela maemo a bokgoni mo boeteledipeleng a a solofetsweng, gore go tle go khutshafadiwe lenane la bakopatiro go ba le batlhano fela go tsenela dipotsolotso. Phanele ya dipotsolotso e ne e akaretsa maloko otlhe a komiti ya phuruphutso, ba thusiwa ke Moporofesara M W Makgoba le Moporofesara D Ncayiyana jaaka balekane ba batlhatlhobi ga mmogo le Leaders Unlimited. Kaelo e e tseneletseng e ne ya dirwa.
"Mo godimo ga kgakololo ya komiti ya phuruphutso le morago ga dipuisano tse di tseneletseng, Khansele e ne ya sweetsa go thapa Ngaka Theuns Eloff jaaka motlatsa-mokhansele wa ntlha wa Yunibesithi ya Bokone-Bophirima", go rialo Rre. Litha Nyhonyha, modulasetilo wa Khansele.
"Mo go thapeng Ngaka Eloff, maatla a kopano ya ditheo tsoopedi a gateletswe thatathata. O tlisa gape go tswelelapele go go tlhokegang thata mo tseleng e. Go botIhokwa thata gore batho botlhe ba tsene mo temeng e go dira gore Yunibesithi e dire ka nonofo. Maikaelelo magolo ke go dira Yunibesithi ya Bokone-Bophirima e e tshwanang e le nosi, yunibesithi e e atlegileng mo Aforika Borwa, e e ikepetse mo Aforika mme e kgona go gaisana mo lefatsheng ka bophara."
<fn>NWU-NEWS. News56.2009-12-02.tn.txt</fn>
Ngaka Lydia Sebego o kgethilwe go nna Modulasetulo yo Montšhwa wa Khansele ka kopano e e neng e tshwerwe ka 24 Ngwanatsele 2006.
Kgetho ya gagwe e butse phatlha ya gore go kgethiwe Motlatsa-modulasetulo wa Khansele yo montšhwa. Mor. Peet van der Walt o kgethilwe go nna Motlatsa-modulasetulo wa Khansele yo montšhwa.
Ditokololo tse pedi tsa Komiti ya Phetiso ya Khansele, kwa ntle ga Modulasetulo wa Khansele, di ne di sa tlhole di kgona go dira ka mo Komiting ya Phetiso.
Mo lebakeng la ga Ngaka Johan van Zyl, o santse a tswelela go nna Modulasetulo wa Komiti ya Ditšhelete mme mo lebakeng la ga Ngaka Leon Wessels nako ya thapo ya gagwe e fela ka 11 Tlhakole 2007.
Kopano e ile ya kgetha Mor. Flip Buys le Mor. OJJ Tabane go dula ka mo Komiting ya Phetiso go tloga jaanong jaana.
<fn>NWU-NEWS. News57.2009-12-02.tn.txt</fn>
Tumelano dimelione di le R15 e saenilwe magareng a Khampase ya Potchefstroom ya YBB gammogo le BioPAD gore go agiwe polateforomo ya metaboliki ka mo kontinenteng.
Dikarolo tse pedi mo go tharo tsa madi di tla dirisiwa ke Sekolo sa Biokhemisi go tsenya thekenoloji ka mo dilaboratiriamong mme karolo e e salang e tla dirisiwa go tsamaisa dilaboratoriamo tse paka ya dilemo di le tharo.
"Popo ya dipolateforomo tse ke go tlisa boeteledipele ka mo saenseng ya lefatse ka mo go rona mme se ke kgato e kgolo ya go ya pele ka popontšhwa ya thekeniki ya biothekeniki" ga bua motsamaisi wa Thekenoloji ya Biotekeniki wa Lefapha la Saense le Thekenoloji, mor. Ben Durham.
Go ya ka moeteledipele wa porojeke, Moporof. Carools Reinecke, itshimololelo ya porojeke e tswa kwa motsamaising wa khudutamaga wa BioPAD, Mor. Butana Mboniswa. Go tlisa tiriso ya polateforomo ka mo Khampaseng ya Potchefstroom ke ka lebaka le thekenoloji ya metaboliki e e leng teng ka mo khampaseng le bokgoni jo bongwe jo bo amogetsweng ka go etela disenteramo tsa tlhano tsa metaboliki kwa Yuropa.
<fn>NWU-NEWS. News58.2009-12-02.tn.txt</fn>
Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) e mo tseleng go tlhoma Setheo sa Kgwele ya Maoto ka 2007 kwa Khampaseng ya Mafikeng.
Setheo se se na le maikaelelo a go tlhabolola baithuti ka bo-yotlhe mme gape ke tiro ya Yunibesiti go tlisa tshono le kemonokeng go tlhabolosa metshameko mo dikarolong tsotlhe. Maitemogelo a a amogetsweng ka mo Setheong sa Rakabi sa YBB le Akatemi ya Kerikete a tlile go dirisiwa monate go netefatsa toro e. Sa ntlha go ka simololwa ka baithuti ba ba 40 fela ba ba tla kwadisiwang kwa Setheong.
Kwa Setheong go ka rutiwa didiploma kapa didikerii tsotlhe tse di leng kwa Khampaseng mme gape go tla tlhomelwa khoso e e lebeletseng Bosaense jwa Metshameko e e lebelelang Kgwele ya Maoto. Go ka na le tlhomelo gape ya dikhoso tsa katiso le dikampa tsa go katisa bakatisi ba Kgwele ya Maoto ba dikolo le dikelapa tsa diporofense le tsa naga.
Mo maikaelelong a YBB go tsamaisana le Setheo sa Kgwele ya Maoto ke go dirisa Kgwele ya Maoto go bitsa baithuti le go ruta merafe le go di tlhabolola. Setheo se gape se tla dirisiwa go ipaakanyetse Sekgele sa Lefatshe sa 2010 ka mo khampaseng ya Mafikeng gore go diragatsa setheo se se bonagalang se se boleng go tlhabolola Kgwele ya Maoto mo porofenseng le mo lefatsheng la Aferika-Borwa ka bophara.
<fn>NWU-NEWS. News59.2009-12-02.tn.txt</fn>
Kopanyetso ya boswa jo bo itumedisang, mabala a bojang le dibebofatsi tse di itumedisang tsa Setheo sa Tiragatso e e kwa Godimo ya FNB(FNB High Performance Institute) di dira gore YBB e nne lefelo le le rategang la katiso ya setlhopha sa diatletiki sa Olympiki sa Boritane se se etetseng.
Setlhpha se se fitlhile ka mo Aferika Borwa ka tshimologo ya Ferikhong 2007 go tlela khampa ya katiso ka mo sentareng ya metshameko ya ka mo khampaseng ya Potchefstroom ya YBB.
ma-Aferika Borwa ka go ba kopa go ya go besa nama kwa legaeng la gagwe la motlatsa-khansele ka Sontaga ya 14 Ferikhong 2007.
"YBB, e e bongwang e le yunibesiti e e kwa godimo-dimo ya metshameko mo Aferika Borwa, e bona metshameko e le botlhokwa thata," ga bua Ngaka Eloff ka kamogelo ya bone ka mathapama wa Sontaga.
Go ya ka mor. Aston Moore, mokatisimogolo wa go taboga wa setlhopha a re go ikatisetsa ka mo Potchefstrom ke karolo e e botlhokwa thata ya setlhopha go ipaakanyetsa European Indoor Athletics Championships ka Mopitlwe monongwaga.
Ka mo go ba ba mo setlhopeng go na le moh. Jo Pavey yo a leng ka mo go ba ba kwa godimo ba batlhano ka mo lebelong la bokgakala jo bo mo gare jwa basadi mo lefatsheng. Moh. Pavey o setse a itse Potchefstroom ka a setse a kile a ikatisa ka mono nako e e fetileng.
Naledi e nngwe ka mo setlhopeng ke mor. Mark-Lewis Francis yo a leng karolo ya Boritane ya 4 x 400m ya banna ya peiso ya thefosano ba ba neng ba kgatlhisitse lefatshe ka go fenya kgaisano kwa pele ga Amerika jaaka botlhe ba ne ba akantse mme ba fenya metele ya gauta kwa Motshamekong wa Olimpiki kwa Athene ka 2004.
Moh. Kelly Sotherton, yo a fentseng metele wa boronse ka heptathlono kwa Motshamekong wa Olimpiki kwa Athene, kwa Geriki ka 2004, le ene ke tokololo ya setlhopa.
Gape yo a tlileng le setlhopa ke modiredi wa ngaka wa tlhogo, Ngaka Paul Dijkstra, yo a neng a dula pele mo Potchefstroom yo e leng ngaka le moitse-ditemalo tsa metshameko.
Go ya ka Mor. Jean Verster, yo a tlisitseng setlhopha ka mo Potchefstroom, maeto a dinaledi tse tsa diatletiki tse, jaaka setlhopha se sa Boritane, di thusa gore bakatisi le baatletiki ba mo go rona ba kopane mme ba rutane le ba ba kwa ditšhabatšhabeng.
Go tswa mo molemeng: Moporof. Dawie Malan, Mokaedi wa Sekolo sa Biokenetiki, Boitapoloso le Bosaense jwa Metshameko, Mor. Aston Moore, Mokatisi-tlhogo wa mabelo a makhutswane wa setlhopha sa Boritane sa Olimpiki ba ba etileng mo, Ngaka Theuns Eloff, Motlatsa-khansele wa YBB le moporof. Annette Combrink, Moreketoro wa khampase ya Potchefstroom ya YBB.
Ngaka Theuns Eloff, Motlatsa-khansele wa YBB (mo molemeng kgakala) fela maloba o ne a amogela mme a tlosa setlhopha sa Boritane sa Olimpiki bodutu kwa ga gagwe. Le ene, go na le ditokololo tsa setlhopha sa mediki ba ba etang le ba diatletiki. Bone go tswa ka mo molemeng ke: Ngaka Paul Dijkstra, Moh. Paula Clayton, Moh. Rhoné Thompson, Moh. Sam Stear le Mor. Neil Black.
<fn>NWU-NEWS. News6.2009-12-02.tn.txt</fn>
Shamiela Letsoalo Link: mailto:bkksl@puk.ac.
Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e tsere kgato e kgolo ka go nna ya ntlha ya ditheo tse di kopantsweng go simolola tirego ya go thapa botsmaisi bogolwane ba yona.
Setheo se tsere maemo a a kwa pele ka go amogela tirego ya go thapa botsamaisi ba bagolo kwa kopanong ya bona ya Khansele gompieno. Kgato e, e tserwe ka nako e go nang le dipotso di le dintsi tse di mabapi le tshireletsego ya ditiro le boleruri jwa tsona mo badiring ba ditheo tse di kopaneng le tse di kopanngwang mo Aforika Borwa. Kwa kopanong ya yona gompieno, modulasetilo wa Khansele, Rre Litha Nyhonyha o boletse fa tshweetso e, e bontsha gape gore ke eng kopano ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e eteletse pele karolo e ka ntlha ya go tlhomama/nitama, thuto ya boleng le dipatlisiso. Go ya ka Rre Nyhonyha kgatelopele e e dirilwe ka go supa dikgatlhegelo tsa go netefaletsa le go tsosolosa maikemisetso a badiri.
Tirego ya go thapa badiri ba bagolo e tla okamelwa ke komiti ya Khansele, e e tla dirang dikatlenegiso go Khansele ka ga bakopatiro ba ba maleba mo maemong ao. Diphatlhatiro di akaretsa maemo a Motlatsa-Mogokgo, bareketoro ba dikhampase, mokwadisi wa setheo le bakaedi ba setheo. Diphatlhatiro tse di tla phasaladiwa ka mo gare mo Yunibesiting fela, mo e leng gore morago ga fao bakopatiro ba ba maleba ba tla tsenela diteko tse di tlhokegang tsa bokgoni le tsa botlhalefi. Ka se se le fa pele ga rona, Komiti ya Khansele e latela maano a go akaretsa sk. Go lolamisa batho ba ba leng teng le diphatlhatiro tse di lolea. Dipotsolotso tse di rulagantsweng di tla dirwa mo mabakeng a e leng gore go na le bakopatiro ba ba fetang bongwe mo tirong e le nngwe. Mabaka a a tla tsewang tsia a tla akaretsa bokgoni, maitemogelo, tekatekanyo, kagose s wa, go tswelela pele le ka dikgakololo tsa ga motlatsa-mokanseleri, Foramo ya Setheo le Senoto le dikomiti tsa botsamaisi ba khampase mo go tlhokegang.
Komiti-kgolo ya Khansele e gateletse gore tirego e fitlhelele ditlhokego tse di nepagetseng, tse di ka bonwang ke botlhe, go tlhomama/nitama, botsamaisi jo bo nonofileng, tekatekano le kagose s wa. Khansele e ithulaganyetsa go thapa batho ba kwa kopanong ya bona e e latelang.
<fn>NWU-NEWS. News60.2009-12-02.tn.txt</fn>
Ngwaga o moswa o simolotse ka lebelo ka mo khampaseng e e "ntshwa" e e tokafaditsweng ya Vaaldriehoek morago ga gore go fetswe kgala ya ntlha ya porojeke ya go aga ya gaufi le R30 mileone mme go tokafatswe le dikago tsa akatemi tse tharo.
Kamogelo le tshutiso ya badirimmogo le baithuti ba Vista ya pele go tswa kwa khampaseng ya Sebokeng go ya go ya Vaaldriehoek e feditswe jaanong. Se se ne se le karolo ya kopano ya diyunibesiti e e neng e simolotswe kwa 2004 mme se se ile sa tlisa kgwetlho ya gore go na le tlhokego ya dibebofatsi le dithulaganyetso ka mo khampaseng ya Vaaldriehoek.
Diporojeke tsa go aga tse di feditsweng di akaretsa kago ya diofisi ya madulo a mabedi ya badirimmogo ba Bosaense jwa Thuto, Bosaense jwa Popontshwa le ITB.
Kago ya ntlha ya akatemi ke ya diphaposiborutelo tse thataro tsa Bosaense jwa Thuto le diphaposiborutelo tse tlhano tsa dikhomputara. Kago ya bobedi ya akatemi ke e e nang le diphaposiborutelo fela tse nne tse di tla kgonang go tlhatlhela e nngwe le e nngwe baithuti ba ba lekgolo.
Tokafatso ya dikago tsa pedi tsa akatemi tse go dulang dikolo tse nne tsa akatemi di tla fetswa pele dithuto tsa ngwaga di simolola. Kago e pele e neng e le laeborari le diphaposiborutelo tsa dikhomputara e tokafaditswe go nna laeborari ya difoluru di le tharo e e tla fetswang ka mafelo a Tlhakole mme e dirisiwe. Palo ya madi ya porojeke e fela e ka fitlha dimeleone di le R3.
Ya ntlha gape ke kago ya Baeteledipele ba baithuti ba khampase ya Vaaldriehoek(SRC) ba ba amogelang diofisi tse dintshwa tse di nang le gotlhe se se itumedisang. Tse di agiwa mo kageng e e neng e dirisiwa pele ke Bosaense jwa Thuto pele.
Se se ntshwa gape ke ATM ya ABSA e e ntshwa ka mo kagong e e ntshwa ya laeborari.
<fn>NWU-NEWS. News61.2009-12-02.tn.txt</fn>
Jaaka go badiwa go ka ikwadisa baithuti ba ngwaga ya ntlha ba ba 5650 monongwaga mo YBB.
Mo palong e go tla ikwadisa ba ba 1500 mo khampaseng ya Mafikeng, ba ba 750 kwa khampaseng ya Vaaldriehoek mme 3400 ka mo khampaseng ya Potchefstroom.
Baithuti ba ngwaga ya ntlha ba tla amogelwa semmuso mo khampaseng ya Potchefstroom ka Lamatlhatso ka 20 Ferikhong 2007 ke moreketoro moporof. Annette Combrink. Kwa khampaseng ya Mafikeng moreketoro, moporof. Dan Kgwadi o tla amogela ba ba ntshwa ka Mosupologo wa 22 Ferikgong. Baithuti ba ngwaga ya ntlha ba tla amogelwa semmuso kwa khampaseng ya Vaaldriehoek ka Labotlhano wa 2 Tlhakole ke moreketoro, moporof. Piet Prinsloo.
Morago ga go amogelwa semmuso baithuti ba ngwaga ya ntlha ba dikhampase tse tharo ba tla tsamaisiwa porokeramo ya kitsiso le kamogelo gore ba tloele mo tikologong e e ntshwa ya bone.
Ka mo dikhampaseng tsa Mafikeng le Potchefstroom porokeramo e ya kitsiso le kamogelo e tla simolola ka Mosupologo wa 22 Ferikhong. Beke e ya baithuti ba ngwaga ya ntlha kwa khampaseng ya kwa Vaaldriehoek e tla simolola ka 2 go fitlhela 9 Tlhakole mme a tla fetswa ka khonsarata ya baithuti ba ngwaga ya ntlha kwa Holong e kgolo ya Morafe wa Vereniging.
<fn>NWU-NEWS. News62.2009-12-02.tn.txt</fn>
Senteramo ya Thekenoloji ya Mokwalo e e bidiwang Centre for Text Technology (CTexT™), fela maloba e amogetse kabelo go tswa go PanSALB(Pan South African Language Board) ya go godisa tiriso ya le dipuo mo Aferika Borwa.
"CTexT e ikaeletse go maatlafatsa e seng dipuo fela mo Aferika Borwa mme ba ikaeletse go maatlafatsa le batho ba ba di buang," ga bua Moporof. Gerhard van Huyssteen, mokaedi wa CTexT.
CTexT, e e bonwang e le moeteledipele ka mo karolong ya HLT(Human Language Technology) mo Aferika Borwa, ke senteramo e e sa ikaelelang kgwebo mme e e itlhokomelang fela ka mo tlase ga Yuniti ya Patlisiso ya Dipuo le Ditlhangwa ka mo Fakalthi ya Atshe ka mo khampaseng ya Potchefstroom.
Ctext e dira patlisiso go ema nokeng tlhabololo le gwebiso le tshegetso ya dikhumo tsa diporokerama tsa khomputara kwa badirising ba bofelo. CTexT e setse e bopile dikhumo tse di farologaneng tsa diporokeramo tsa khomputara jaaka tse di baakanyang mopeleto tsa Sexhosa, Sezulu, Sesotho sa Leboa le Setswana gammogo le diporokerama tsa go ithuta dipuo tsa Seaferikanse, Sexhosa, Sezulu le Setswana.
Jaanong jaana CTexT e dirisana mo porojekeng e e tla dirang diphetolo ka mo khomputareng ka mo lefelong la wepe la YBB e e tla dirisiwang monongwaga. Go akangwa gore morago ga go klika ka mo lefokong o ka kgona go bona Setswana, Seesimane le Seaferikanse ka mo lebokosong le le tlhagelelang. Tirelo e e tla nna teng go lebelela mafoko a a 4000 a a dirisiwang go feta ka mo lefelong la wepe la YBB.
Tiro e nngwe e e diriwang jaanong jaana ya CTexT ke dikhonteraka tse di farologaneng tsa tlhabololo kgodiso ya tiriso ya dipuodintsi ka mo Aferika Borwa. Tshedimosetso e e tseneletseng e tla fetisiwa fa dikhonteraka di saenilwe semmuso.
Moporof. Gerhard van Huyssteen , Tlhogo ya CText.
Tse dingwe tsa dikhumo tsa CText.
<fn>NWU-NEWS. News63.2009-12-02.tn.txt</fn>
Khumo e e dirilweng ka kgaisano ya dibaesekele ya Pick Pay Fast One e e simololang kwa Germiston mme e fela kwa khampaseng ya Vaal Triangle ya YBB e tla dirisiwa go godisa letlhole la thuso la baithuti ka mo khampaseng eo?
Kgaisano e e neng e itsege pele e le ya Hyper to Hyper ke mokgwa o o botlhokwa thata wa papatso ka gore e biletsa batho ba ba ka nang 20 000 kwa khampaseng ka letsatsi la kgaisano. Gaufi le bapalami ba dibaesekele ba le 9000 ba ne ba ikwadisitse ka kgaisano e e neng e tshwerwe ka Sontaga wa 28 Ferikhong mme se se dirile gore e bonwe e le kgaisano e e mo go tse tlhano tse dikgolo ka mo Aferika Borwa.
Ka mokgwa o kgaisano e e ratiwang ka teng le ka tlhomelo ya Akatemi ya go palama Baesekele fela maloba kwa khampaseng ya Vaal Triangle le ka go na le mokatisi wa ruri wa bapalami wa boithutelo e bong Mor Duncan Viljoen, go setse go bontsha khumo ya kgatlhiso ya go palama dibaesekele ka mo khampaseng ya Vaal Triangle.
Akatemi ya go palama Baesekele e setse e bopile boto ya go tla ka dikgakololo e e bopilweng ke Moporof. Piet Prinsloo, Moreketoro wa Khampase ya Vaal Triangle, Mor Peter Viljoen, Modulasetulo wa Gauteng South Cycling, Mor Ertjies Bezuidenhout, moithuti wa pele wa PUK le mopalami wa Springboko le Mor Phillip Vermeulen, Mokaedi wa Tsamaiso wa Vesco.
Kgaisano e e akangwang ka 2007 ke kgasano ya mo Yunibesiting ya Campus to Campus Super Classic e e tla tshwariwang ka 30 Lwetse kwa khampaseng ya Vaal Triangle.
Khampase gape e tla tshwara kgaisano ya ngwaga le ngwaga magareng a diyunibesiti. E simolola ka 26 Lwetse ka kgaisano ya Campus to Campus ka gore yone ke kgaisanokgolo. Kgaisano e magareng a diyunibesiti e tla tshwariwa ka mo tlase ga South African Students Sports Union.
<fn>NWU-NEWS. News64.2009-12-02.tn.txt</fn>
Ka mo porojekeng ya tirisanommogo magareng a YBB (Yunibesiti ya Bokone-Bophirima), Lefapha la Temothuo le Pabalelo le Tlholego ka mo porofenseng le IDC (Industrial Development Corporation of South Africa) ya diranta di ka nna R2 mileone dikgomo tsa Nguni di le 96 di ile tsa abelwa go balemirui ba ba bokamoso ba bantsho.
Baabelwa mongwe le mongwe o filwe dikgomo di le 24 tsa madi a R247 000 ka mo moletlong wa Labotlhano ka 20 Ferikhong kwa polaseng ya Machavie gaufi le Potchefstroom.
Kakanyo e e simolotswe semmuso ka Tlhakole wa 2006 ka maikaelelo a go busetsa mofuta o o thata o wa dikgomo tsa Nguni ka mo porofenseng.
Tiro ya YBB, thata Sekolo sa Boitekanelo jwa Diphologolo le Tsalo ya Diphologolo kwa khampaseng ya Mafikeng go ema baabelwa nokeng ka bokgoni jwa ditegeniki le boitsegotlhe jwa saense le go fana ka katiso go thusa baabelwa go nna balemi ba kgwebo ruri.
YBB gape e ka bona mosola ka mo porojekeng ka gore baithuti ba Sekolo sa Boitekanelo jwa Diphologolo le Tsalo ya Diphologolo ba ka dirisa dikgomo tse mo diporojekeng tsa bone tsa patlisiso.
Tse dingwe tsa dikgomo di le 96 tsa Nguni tse di neng tsa abelwa baabelwa.
<fn>NWU-NEWS. News65.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Kelapa ya Dreamveldt ya Diatleletiki ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e amogetse thobo e e itumedisang ya baatleletiki ba maemo a a kwa godimo ya batsha ba ba ikwadisitseng go tshegetsa kemo ya gore ke tlelapa e e botoka go feta tsotlhe mo setšhabeng.
Yo mongwe wa dinaledi mo setlhopeng ke moatlelete wa kgweletshipi ke Simone du Toit yo e leng mampodi wa batsha le bagolo yo a boneng metlele ya gauta kwa Kgaisanong ya Batsha ya Lefatshe ngwaga e e fetileng. Moatleletiki yo mongwe gape wa mampodi ke Noël Meyer yo a leng Mampodi wa Batsha wa Lefatshe wa jabelini yo a tlogang a bontsha bokgoni magareng a bagolo.
Pieter Botha, ene ke moatlelete wa mepakwana wa 400m yo o solofelang thata mme le ene o ne a tabogile kwa Kgaisanong ya Batsha ya Lefatshe mme ka thuso ya mokatisi Ria van der Berg o tla fitlhela kwa godimo go feta mo go kgatlhisang. Dayne Lekay e ne e le motabogi wa bobedi mo kgaisanong ya go taboga botelele jo bokhutswane mo setšhabeng mo batsheng mme gape go na le motlolelagodimo Pieter Smith yo a itlhorisang ka bogodimo jo bo gaisang tsotlhe jwa 2.10m ngwaga e e fetileng.
Moatlelete wa lebala Louis Botha o kgoromeditse kgweletshipi go feta 16 m mme o latlhetse tisikhase 48,68 m mme tse ke bokgoni jo bo kgatlhisang. Pieter van Gent ke moeteledipele le motsayakarolo wa katiso ya kgweletshipi le jabelini mme o tlile go ema nokeng le Pieter van Deventer (50,40).
Mampodi wa Kgaisano ya Batsha ya Aferika ka mo 100m(11.60), Thandi Mngewvu o ikwadisitse le ene ka mo Khampaseng ya Potchefstroom mme mokatisi Owen van Niekerk o setse a dumela gore ene o tlile go taboga go feta nako eo ngwaga e.
Ferney Kitshoff, moatlelete yo o solofetsang thata wa jabelini yo o tla ikatisang ka mo tlase ga leitlho la ga Terseus Liebenberg, o setse a tlodile 70m e e makatsang mme go dumelwa gore o tsamaela go ya kwa ntlheng ya 75m.
Baatlelete ba ba kgatlhisang ba bane ba batsha ba ba ikwadisitseng ka mo tlelapeng ya NWU PUK ngwaga e ke Noël Meyer, Simone du Toit, Pieter van Deventer le Ferney Kitshoff.
<fn>NWU-NEWS. News66.2009-12-02.tn.txt</fn>
MAFIKENG - Lefapha la Thwalo le Ekonomi (Fakaltji ya Kgwebo le Tsamaiso) ka kwa khampaseng ya Mafikeng e tlhometse yuniti e e ntshwa fela maloba mme e bidiwa YEDU (Youth Entrepreneurial Development Unit).
YEDU e tlile go nna yuniti e e kgethegileng ya go thusa bogwebi e e thusang ka go kaela bagwebi ba ba bontshang bokgoni tsela go tloga mo bonnyaneng go ya go bogolong gore mo bofelong ba fitlhe kwa bokgoning jwa dikorporasi.
E tla bopa mme e tshegetse yuniti ka mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima e e nang le dikarolo tse dintsi, e e balelang tsotlhe, e e fetogang ya go ema nokeng gwebisano. Maikaelelo bogolo segolo ke go tla ka kemo nokeng ya mefuta-futa ya ditirelo go botlhe ba ba ka kgonang go tsena ka mo tikologong ya dikorporasi. Se se ka fitlhelwa ka go fana ka katiso, thuso ya sebele le kemo nokeng le tsela e e bulegileng go amogela neeletsanyo. Ka go dira jalo go ka godiswa ditirisanommogo le karolo ya dikoporasi tsa kgale ka mo porofenseng ya Bokone Bophirima le mo Aferika-Borwa mo bofelong.
<fn>NWU-NEWS. News67.2009-12-02.tn.txt</fn>
YBB e amogela diranta di le R7.
YBB e amogela diranta di le R7.
Lefapha la Thuto le ntshitse diranta di le R7.2 mileone go ya kwa Yunibesiting ya Bokone-Bophirima mme se ke karolo ya porokerama ya "Fundza Lushaka Bursary Programme for Teachers".
Se se tla thusa bithuti ba ba 180 go ithuta mo YBB mme mongwe le mongwe wa bone a amogele palogare ya R40 000 mongwe le mongwe.
Lefapha la Thuto le ntshitse diranta di le R120 mileone mo Aforika-Borwa ka bophara mo porokerameng ya Fundza Lushaka Bursary Programme for Teachers mo 2007/2008 mme madi a porokerama yotlhe ke diranta di le dimileone di le R700 mo dilemong tse tharo tsa 2007/2008 go 2009/2010. Dibasari di belwa thoko go arabela tlhokego ya barutabana ba maemo a a kwa godimo ka mo dirutweng le ka mo ditikologong tse di tlhokang.
Go tlhaola baamogedi go tla diriwa ke YBB gammogo le dipuisano le Lefapha la Thuto la porofense. Diporokerama tse di lebelelwang ke tsa: BEd, PGCE(Setifikeiti ya Morago ga Dikerii) le didekerii tsa BA/BSc/BCom/BTech tse di nang le dirutwa tsa sekolo tse di isang kwa porokerameng ya PGCE.
Basari ya Fundza Lushaka e tla duela madi a go ikwadisa, a dithuto, a dibuka, a go tsamaya, a madulo le dijo jaaka go ka tlhokega. Fa moithuti a tlhaolwa o na le tshwanelo ya go ya go ruta mo dikolong tsa mmuso mme se e le khonteraka ya tiro e e leng karolo ya tumelano ya basari.
Dibasari di tla tsamaisiwa ke NFSA(National Student Financial Aid Scheme (NFSAS).
<fn>NWU-NEWS. News68.2009-12-02.tn.txt</fn>
VAAL TRIANGLE - Mor. Hendrik Steyn, moithuti wa sefofu wa kwa khampaseng ya Vaal Triangle ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima ke gone maloba a boang kwa moseja kwa Tübingen, kwa Jeremane, kwa a neng a emetse YBB mo porokerameng ya setso ya Tübingen/South Africa 2007.
Mor. Steyn o ne a le karolo ya setlhopha sa bithuti ba ba 22 ba ba neng ba etetse Yunibesiti ya Tübingen go tloga ka 2 go 28 Ferikgong 2007.
Maikaelelo a porokerama ke go itsisa baithuti ba mo Aforika-Borwa setso, hisitori le puo tsa Sejeremane. Gape porokerama e ne e akaretsa dithuto ka ga setso sa Sejeremane, Ekonomi, dipoletiki le puo ya Sejeremane le maeto kwa mafelong a kgatlhego mo Tübingen le kwa ditoropong tse di gaufi.
Go ya ka Mor. Steyn leeto le e ne e le le rutang ruri. Ene o kgatlhilwe ke thulaganyo ya thwalo ya batho ba setšhaba ka kwa Yoropa. Ka ene a le sefofu o ne a kgona go tsamaya dikilometara di le 1500 mo ditereneng kwa ntle ga mathata. Dilo jaaka diroboto tse di buang ke e nngwe ya dikao tsa go bontsha gore batho ba kwa Yoropa ba ema nokeng batho ba digwele le ditlhokego tse dingwe go feta.
Mor. Steyn o ne a le nngwe wa baithuti ba batlhano ba ba neng ba tlhophilwe ke Fotim go tsenela porokerama e. Keriteria ya go ba tlhaola e ne e le gore ga ba a tshwanelwa go nna baithuti ba ngwaga ya bofelo mme ba ne ba tshwanetse go nna baemedi ba ba neng ba tla kgatlhisa ditheo tsa bone le ba Aforika-Borwa mme gape ba ne ba se ba ete kwa ntle ga Aforika-Borwa pele.
Hendrik Steyn gammogo le morulaganyi wa porokerama, Barbara Owen.
Hendrik Steyn gammogo le morulaganyi wa porokerama , Marion Schmitt, ba itapolosa monate ka mo sematheng ka leeto la maloba la kwa Tübingen, Jeremane.
<fn>NWU-NEWS. News69.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Moporof. Peet van Schalkwyk, motlhetlheledi wa lecturer in Boenjenere jwa Makheneke ka mo khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone Bophirima o bopile laboratori e e ka tlhalosang ka tirisanommogo le ka go bona ya mo CD e e bontshang ka go phedisa mabaka a saense ka mokgwa o o bonagalang ka mokgwa o o phelang mo baneng le mo baithuting.
Go ya ka Moporof. Peet van Schalkwyk nako e ntsi barutabana ga ba kgone go dira ditekelelo ka mo burutelong go kgona go bontsha jaaka di ka diragala ka mo bophelong jaaka tsiboso, momentamo le maatlakgogedi. Mo mabakeng a mantsi diktekelelo di diriwa ka mokgwa o o suleng wa mo dibukeng fela kapa mo letlapeng mme bana ba tlogelwa gore ba ikakanyetse le go iphedisa ditekekelo go tlhaloganya gore mo bophelong tiro e diragetse jang.
CD e e phedisang e e dirisanang e fa tshono gore barutiwa ba bone ditekelelo ka mo khomputareng. Bana ba kgona go dirisana ka mo ditekelelong ka go klika le go fetola mabaka ka mo ditekelelong go bona ka matlho gore go fetola eng jaaka fa go na le ditekelelo tsa maatla la mabelo a a ka fetolwang go bontsha dilo tse di diragalang.
Letlhare la tiro le le ka gatisiwang ke le le ka dirisiwang go kaela tsela ka mo tekelelong. Mo nakong e e tlang matlhare a a tiro a ka ntshiwa ka borutegi jo bo farologanang gore di kgone go dirisiwa ke baruwana ba ditlhopha tse di farologanang le baithuti.
CD jaanong jaana e ka amogelwa ka puo ya Seaferikanse mme tshedimosetso e nngwe e ka Seesimane. Go ka kgona go lebelela dikao tsa ditshwantshiso tse o ka di lebelela ka mo intanete kwa www.peetvs.co.za (Link: http://www.peetvs.co.za).
Moporof. Peet van Schalkwyk, motlhatlheledi wa mo YBB mo khampaseng ya mo Potchefstroom yo a bopileng CD ya laboratori e e bonagaleng e e phedisang ditekelelo.
Dikao tsa ditshwantsho tse di dirisitsweng ka mo godimo ga CD.
<fn>NWU-NEWS. News7.2009-12-02.tn.txt</fn>
Maryke Steenkamp, Link: mailto:bkkms@puk.ac.
Batsamaisi bagolwane mo maemong a a latelang a Yunibesiti ya Bokone-Bophirima ba tla thapiwa gautshwane. Go latela tshwetso ya Khansele ka 18 Seetebosigo 2004 ya go thapa batsamaisi bagolwane mo maemong a a latelang, badiri ba ga jaana ba ne ba lalediwa go tsenela dikopo-tiro tsa botsamaisi bogolwane. Dikopo di ne tsa tswalelwa ka la 20 Phukwi 2004 mme ditlhagiso/dikopo tse 15 di ne tsa amogelwa mo maemong a Motlatsa-Mogokgo, maemo a mararo a bareketoro ba Khampase, Mokwadisi wa Setheo, Mokaedi wa Setheo: wa Dit s helete le Didiriswa, Mokaedi wa Setheo: wa tsa go Dira ka Badiri le tsa Merero ya Baithuti gammogo le Motsamaisi wa Setheo: wa Tlhaeletsano-Tshwaragano.
Prof. AL Combrink, Me GC Legodi-Bogatsu, Prof. MW Legotlo, Me S Letsoalo, Prof. SN Mashego, Mnr S Myburgh, Dr T Ngwenya, Prof. PJJ Prinsloo, Prof. IJ Rost, Dr MN Takalo, Dr TM Thiba, Prof. CFC van der Walt, Prof. F van Niekerk, Prof MS Zibi.
Komiti ya Khansele e tla netefatsa jaanong gore ke bafe ba bakopa-tiro ba, ba ba kgotsofatsang ditlhokego-potlana jaaka di phasaladitswe. Bakopa-tiro ba ba atlegileng ba tla lalediwa ka nako eo go tsenela ditlhatlhobo tsa bokgoni le tsa botlhalefi. Go lebisitswe mo ditlamoragong/dipholong tsa tsona, Komiti ya Khansele e tla garela maina a bakopatiro ba ba tla lalediwang go tsenela dipotsolotso. Dipotsolotso tse di rulagantsweng di tla tsenelwa morago ga gore go bonwe kgakololo ya Senoto le ya Foramo ya Setheo mo go tlhokegang. Mabaka a a tla tswewang tsia a tla akaretsa bokgoni, maitemogelo, tekatekano, kago-se s wa le tsweletsopele. Tsamaiso ya go thapa e tla latela ditogamaano tsa go tsaya ka go akaretsa, sekao. go tsepamisa bontlhopheng ba ba siametseng ditiro go gaisa le maemo a a lolea.
<fn>NWU-NEWS. News70.2009-12-02.tn.txt</fn>
Ka mo pulong ya semmuso ya dikhampase tsa Potchefstroom le Vaal Triangle tsa YBB go ne go abelwa dikabelo tsa batho ba ba dirileng dingwaga-ngwaga. Badirimmogo ba ba 81 ba amogetse dikabelo mme ba dirile dingwaga di le 1460 magareng a bone.
Ka ditirelo tse tsa dipulo Ngaka Theuns Eloff, Motlatsa-khansele wa YBB o ne a gatela maikaelelo a a botlhokwa a togamaano a 2007.
Go ya ka Ngaka Eloff, YBB e ikaeletse go oketsa palo ya baithuti ba ba fetang le go dira go lebagantsha diporokerama tsa mo dikhampaseng tse di farologaneng.
According to Dr Eloff, the NWU intends to improve the throughput rate and to work towards the alignment of programmes on the different campuses. Setlapele se sengwe ke patlisiso le popontshwa ka go lebelela bokgoni jwa go batlisisa le tsamaiso e e itumedisang ya tsamaiso ya metswedithuso.
Setlapele se sengwe sa go lebelela ke go tlhomamisa gore filosofi le ditiro tsa tsamaiso di ikaeletse boikarabelo jwa sebele, tlhaloganyo ya go dira sentle le gore maano a go dira a a tswelediswa mo dikarolong tsotlhe tsa YBB ya popo-nngwe ka dikhampase tse tharo. Gape ke setlapele go tlhomamisa gore dithulaganyo le didiriso tsotlhe di dirisiwa gotlhe-gotlhe gore go se diriwe ka melao fela kwa ntle ga tiragatso.
YBB gape e lebelela tlhomamiso ya boleng le go ipaakanyetsa Palotlhwotlhwa ya Setheo ka 2008. Se ke tiragalo e e botlhokwa thata ya makgaolakgang mo bophelong jwa YBB fa o sa balele kopano ya diyunibesiti.
Ditlapele tse dingwe tse Ngaka Eloff ke tiro ya letshwaokgwebo e e diriwang jaanong jaana mo YBB mme se sengwe ke go agela pele Setheo sa Kgwele ya Maoto kwa khampaseng ya Mafikeng se se tlhometsweng fela maloba.
Pulo ya semmuso kwa khampaseng ya Mafikeng e ne e betswe 12 Tlhakole mme e isitswe kwa pele ka go na le mabaka a a neng a sa akangwa.
<fn>NWU-NEWS. News71.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Setlhopha sa babatlisisi ba mo khampaseng ya Potchefstroom ba YBB, ba ba emelang Aferika Borwa ka mo setlhopeng sa High-Energy Stereoscopic System (HESS), ke bone fela ba mo Aferika Borwa ba ba nang le tshono ya go ka amogela kabelo ya patlisiso e e tlotlegang ya European Union Descartes Prize ya 2006.
Setlhopha se bopilwe ke babatlisisi go tswa kwa Jeremane, Fora, Repabopliki ya Czeche, U K, Polanta, Irelanta, Armenia le Aferika Borwa, ba ne ba biditswe maina ka mo setlhopeng sa patlisiso ya theo ya bosaense jwa porojeke ya HESS ya leina la A new glimpse at the highest-energy Universe.
HESS e na le ditelesekopo tse nne tsa lerang la gamma kwa Namibia tse mo ngwageng e e fetileng di dirileng dithibololo ka ga marang a gamma go tswa mo lefaufaung.
Go ya ka Moporof. Okkie de Jager wa YBB ene le setlhopha sa badirimmogo ba tlotlegile segolo go tsaya karolo mo setlhopheng se se maemo se. "Mme itse fela gore e ne e le tiro e kgolo e e thata go tlhomamisa gore boleng jwa HESS e tshegeditswe" ga bua Moporof. De Jager gape.
O tlhalosa gore ka bone ba kgonne go tsamaya mo dikgatong tsa ba bagolo jaaka Galileo Galilei, ba kgonne go thibolola popego e e ntshwa ya ka mo dithutong tsa botelele jwa marang diweifi tsa mefutafuta. "Se se raya gore re butse fensetere e e ntshwa ya lefaufau."
Setlhopha sa Potchefstroom ba dirisana mmogo gape ka lebelela lefaufau kwa Namibia, le go rarabolola le go itemogela data e e amegelwang le go gatisa diathikele ka ga dithibololo tse dintshwa tse di bonwang.
Kabelo ya Descartes mo go ba bantsi e bidiwa ke ba ba kwa European Union (EU) e le "Nobel Prize" ya ditlhopha tsa ditšhaba-tšhaba ba saense.
Bafenyi ba dikarolo di le tlhano ba ka bidiwa kwa Brussels ka 7 Mopitlwe mme ba ka kgaoganya madi a kabelo a di-EURO tse di melione.
Setlhopha sa babatlisisi ba khampase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima ba ba leng karolo ya setlhopha sa ditshabatshaba baba biditsweng go ka fenya kabelo ya Descartes. Go tswa mo molemeng ke barena Mathew Holleran, Christo Venter, Ngaka Ingo Büsching, Baporof. Christo Raubenheimer le Okkie de Jager. Yo a tsentsweng ke: Isak Davids.
<fn>NWU-NEWS. News72.2009-12-02.tn.txt</fn>
Senteramo ya Dikhonferense ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e fenya kabelo ya maemo.
Senteramo ya Dikhonferense ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e fenya kabelo ya maemo.
VANDERBIJLPARK - Senteramo ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e kgethilwe go nna e e mo gare ga tsa maemo a a kwa godimo a tse di mo tikologong ya Sedibeng. Katlholo e e dirilwe ke Professional Management Review (PMR) Leaders and Achievers Awards.
Seneteramo e e amogetsweng ke YBB ngwaga e e fetileng e amogetse kabelo ya go bonwa e le ya maemo a PMR Diamond Arrow. Dikabelo di dirilwe morago ga thuno ya dikgwebo e e dirilweng ke setlhopha sa dikgwebo gammogo le batsayakarolo ba ba farologaneng ba mmuso wa selegae le ba dithulaganyo tsa porofense.
Senteramo ya dikhonferense e e neng e itsiwe pele e le Emfuleni Conference Centre, e rekilwe morago ga dikakanyo ka 2006 morago ga tiro ya go tendara e e nnileng katlego. Lefelo le dikago, badiri ba ruri, thoto yotlhe le letlotlo le dikhonteraka tsa jaanong di ne tsa amogelwa semmuso ka 3 Ferikgong 2006.
Go ya ka Mor. Bertie Visser, Mokaedimogolo wa tsa Madi le Dibebofatsi kwa khampaseng ya Vaal Triangle, senteramo ga se fela kgwebo e e bontshang khumo mme ke letlotlo le legolo la morafe otlhe.
Dibebofatsi ka kwa senteramong ya dikhonferense e balela diholo tse tharo tse dikgolo tsa dibangkwete, diholo tse pedi tsa go dirisetswa sengwe le sengwe, dikamore tsa khonferense di le 10, Kamore e le nngwe ya dikhonferense ya dikhudutamaga, resturanta le bara ya dijo tsa diatla, tshingwana ya mekete, khefi ya metshameko, dikamore tsa madulo a batho ba ba tsenang khonferense ba le 46, kamore ya sefitlholo le mabala a sekwašhe a mane.
Diyuniti tse tharo tsa khampase ya Vaal Triangle tse e leng, Potchefstroom Business School, Skills Development Unit gammogo le Postgraduate Engineering Programme di setse di hudugetse kwa senteramong ya khonferense.
Badirimmogo le mebele ya baithuti ba ba batlang go dirisa dibebofatsi ba ka ikopantsha le Mariska Kritzinger kwa (016) 933 4771.
Setlhopha sa badirimmogo ba ba nang le boikarabelo jwa Senteramo ya Khonferense ya YBB go tloga mo molemeng ke Annalie Huxman, Motsamaisi wa Madi, Mariska Kritzinger, Motsamaisi wa Papatso, Bertie Visser, Mokaedimogolo wa tsa Madi le Dibebofatsi, Pieter Streicher, Motsamaisi wa Tsamaiso le Jeanette Koekemoer, Motsamaisi wa ka gale.
Dibebofatsi dingwe kwa Senteramong ya Dikhonferense ya YBB kwa Vanderbiljpark.
<fn>NWU-NEWS. News73.2009-12-02.tn.txt</fn>
Feme ya molao ya DM Kisch, fela malobanyana e file YBB palo ya madi e e kgolo ya go ka maatlafatsa tsamaiso e e itumedisang le kgwebofatso ya thuo ya motho le ya setheo ya tlhaloganyo mme go baletswe le mainakgwebo, dipopontshwa le dipatente.
Mokaedi wa DM Kisch, Mor Derek Momberg, o abetse tšheke go Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa YBB ka moletlo kwa ofising e kgolo ya bone kwa Sandton.
Kabelo e ya madi e tla dirisiwa ke badirimmogo ba mo Ofising ya Molao ya Setheo ya YBB go tsamaya dikhonferense tsa mo gae le ka kwa moseja tsa Thuo ya Motho ya Tlhaloganyo kapa go etela balekane ba bone gore ba ithute mo go bone le go ka itsalantsha le bone ka ga kgang e.
Go ya ka Ngaka Eloff, e nngwe ya mabaka a togamaano a magolo a YBB ke go tokafatsa patlisiso le popontshwa le go ka nna setheo se se nang le tekatekanyo ya go ruta le go batlisisa.
Ngaka Eloff a re YBB, ka e le e nngwe ya diyunibesiti tse dintshwa tsa mofuta o montshwa wa segompieno, e dirile popontshwa karolo e kgolo mme e ka bidiwa yunibesiti ya patlisiso ya 'boutique' e e lebeletseng mefuta le mafelo a a farologaneng. Ka go dira jalo YBB e ka nna nna mampodi ka mo gae le ka mo lefatsheng ka mefuteng e mengwe ya patlisiso e e diriwang ke bone fela.
YBB jaanong jaana e na le dipatente di le 41 tse di dirang ka mo mafatsheng a a farologaneng jaaka kwa Brazil, Russia, India, China, Hong Kong le Australia. Kwa USA, le le leng lefelo le go le thata go kwadisa dipatente le popo e e ntshwa, YBB jaanong jaana e itlotla ka dipatente tse thataro.
Ka 2006 YBB e amogetse madi a kana ka R1,4 mileone go tswa go dituelo tsa go tswa dipatenteng.
Go tswa mo molemeng ke Mokaedi wa DM Kisch, Mor Derek Momberg, Ngaka Ngoato Takalo, Motlatsaporinsipala wa YBB le Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa NWU.
<fn>NWU-NEWS. News74.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Popo ya Phaka ya Saense e e mofuta o le mongwe fela e tlile go nna karolo ya momorantamo ya tirisanommogo e e tlileng go bopiwa magareng a Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) le Mmasapala wa Tikologo ya Borwa.
Thomelo ya go tswa kwa Mmasapala wa Tikologo ya Borwa e ne e etetsa YBB maloba ka maikaelelo a go bopa tirisanommogo e e atumetsaneng go feta.
Ka nako ya leeto popo ya Phaka ya Saense ya Bokone-Bophirima ka mo khampaseng ya Potchefstroom ya YBB ka tlhotlhwa ya gaufi le dimeleone die le R30 e ne e e buisanwa. Tshitshinyo ya Phaka ya Saense ke ditalamorago tsa Togamaano ya Tlhabololo le Kgolo ya Mmasapala wa Tikologo ya Borwa.
Morago ga go ntshetswa tiro ke Mmasapala wa Tikologo ya Borwa, YBB e ile ya sekaseka bokgoni jwa go ka bopa phaka mme ga bonagala gore go ka nna botlhokwa thata.
Go ya ka Ngaka Rudi van der Walt, Mokaedi: Popontshwa ya YBB, Phaka ya Saense ke lefelo ka kgobokanyo ya dikao tsa dipopontshwa tsa thekenoloji e e kwa godimo tsa ditiro tse re di dirang ka mo lefelong le lentle le le bopilweng sentle.
Ponelopele ke gore Phaka ya Saense e tla nna lefelo la dipopontshwa tsa mo porofenseng mme se se fetise kitso e e tseneleseng le thekenoloji ya popontshwa kwa dikgwebong tse dinnye le kwa diintasetering tsa kgale mme mo bofelong go nne le kgolo le popo ya ditiro.
Go nna gaufi le yunibesiti e e ikemetseng ya popontshwa jaaka NWU e tla tswela mosola tirisanommogo magareng a ditheo tse pedi. E nngwe ya dituelo tsa tumelano e ke gore dibebofatsi tse di lekanang, patlisiso le thekenoloji di tsa ntshiwa ke YBB mme Phaka ya Saense e tla tlhabolosa dithekenoloji tsa mo tikologong mme le ka bopa tikologo ya baithuti ba didikerii le badirimmogo ba akatemi go tsweletsa dithuto tsa bone mo Porofenseng.
Gape mo godimo ga Phaka ya Saense le mabaka a mangwe a tirisanommogo a tla buisanwa mo momorantamong wa tirisanommogo e e tla diriwang magareng a YBB le Mmasapala wa Tikologo ya Borwa.
Go ya ka Ngaka Monty Mongake wa Mmasapala wa Tikologo ya Borwa tirisanommogo e e gaufi magareng a YBB le Mmasapala wa Tikologo ya Borwa e tla tlisa khumo ya tswelelopele ya bokgoni jwa thekeniki mme mo bofelong go ne le tirelo ya tiro e e tokafetseng mo dimmasapala tse di mo Tikologong Khansele ya Borwa.
Moporof. Annette Combrink, Moreketoro wa Khampase ya Potchefstroom ya YBB o tlile ka tshitshinyo ya gore YBB e thuse dimmasapala mo Tikologong ya Borwa go dira patlisiso ya maemo le tlhatlhobo ya bokgoni mo go tsone le go lemoga ditlhokego tsa tsone tse di ka arabiwang ke YBB le gore go lebelelwe diporokerama le dikhoso tse di rutiwang ke YBB. Mabaka a mangwe a a tshwanetseng go lebelelwa ke tlhabololo ya boeteledipele le bokgoni jwa go tsamaisa mme gape le kemo nokeng ya baithuti ba Tikologo ya Borwa ka madi.
Thomeletso ya go tswa kwa Mmasapala wa Tikologo ya Borwa le ditokololo tsa batsamaisi ba YBB ba ne ba tshwere dipuisano maloba. Kwa morago go tswa mo molemeng ke Ngaka Monty Mongake, Mmasapala wa Tikologo ya Borwa, Ngaka Rudi van der Walt, YBB Mokaedi: Popontshwa, NWU Director: Innovation, Moatefokate Abbey Dlavane, Mmasapala wa Tikologo ya Borwa, le Moporof Frikkie van Niekerk, YBB NWU Mokaedi Khudutamaga: Patlisiso le Popontshwa. Mo pele: Moh. Dorothy August, Mokwaledi: YBB Khampase ya Potchefstroom, Mor Victor Nicodemus, Mmasapala wa Tikologo ya Borwa, le Mor Victor Mothobi, NWU Mokaedi: Metswedithuso ya Batho.
Kakanyo ya motaki e e bontshang gore Phaka ya Saense e ka lebega jang.
<fn>NWU-NEWS. News75.2009-12-02.tn.txt</fn>
MAFIKENG - Mor David Hedding, moihtutalefatshe wa Lefapha la Thutolefatshe le Bosaense jwa Tikologo kwa khampaseng ya Mafikeng ya YBB o boile kwa Antarctica fela maloba, kwa a neng a ile go batlisisa bosa mafatshe a mafatshekgapetla le dithulaganyo tsa teng kwa Antarctica.
Mor Hedding o ne a le karolo ya setlhaopha sa batho ba ba neng ba eteletswe pele ke Moporof. Ian Meiklejohn wa Yunibesiti ya Pretoria. Molebo o mogolo wa leeto le e ne e le go batlisisa mafatshe a mafatshekgapetla ka mo mafelong a kgapetla e seng teng gore ba kgone go na le lenaneo la popego e e bonwang kwa di-nunutaks kapa mafelo a a se nang kgapetla kwa kampeng ya Aferika Borwa ka mo Western Dronning Maud Land kwa Antarctica.
Setlhopha se ile sa tsenya gape lefelo le le lekantshang thempereitšha ya mmu mmo ba tlileng go kgona go lebelela thempereitšha go fitlha boteng jwa dimetara tse pedi. Gape ba kgonne go kgobokantsha dikao tsa mafika tse ba tla di batlisisang go bona popego ya one mme thata gape go ka lebelela popego ya mafika ka bosa le khemikale ka go tlwaetse gore di diragetse kwa Antarctica ka thempereitšha ya teng e le kwa tlase thata-thata.
Mor Hedding gape o tlhomile teko ya nako e telele e e lekantshang boima jwa mafika bo bo fokotsegang, e e tla thusang go tlhatlhoba tatlhego ya boima jwa mafika mme a nna mannyane go fitlhela mafika a nna mmu.
Mor Hedding o tsamaile ka sekepe sa SA Agulhas ka 7 Ngwanatsele 2006 mme o boile ka 15 Tlhakole 2007 go tswa kwa Antarctica.
Ba ba neng ba etetse le Mor Hedding kwa Antarctica e ne e le badirimmogo ba babedi ba go tswa mo khampaseng ya Potchefstroom ya YBB ba e leng Ngaka Helena Krüger go tswa mo Uniting ya Popego ya Lefaufau le Mor Leon du Plessis wa Sekolo sa Bosaense jwa Tlholego, Thuto ya Dipalo le Thekenoloji.
Dikgwetlho dingwe tse di neng di ba lebetse e ne e le go fenya serame le go kgona bophelo jwa dibeke tse nne mo sekepeng. Go ya ka Mor Hedding, melao ya go dirisa metsi ka lebaka la peipi e e senyegileng e ne e tlisa mathata a mangwe gape. Mme la go ne go le thata setlhopha se ne se na le nako ya go tshameka le go itapolosa ka go tshamekela mo semathaneng ka diboroto.
A re a ka rata go boela koo gape mafelo a ngwaga go jela selemo se sengwe gape koo.
Mor David Hedding, moihtutalefatshe wa Lefapha la Thutolefatshe le Bosaense jwa Tikologo kwa khampaseng ya Mafikeng ya YBB o boile kwa Antarctica fela maloba, kwa a neng a ile go batlisisa bosa mafatshe a mafatshekgapetla le dithulaganyo tsa teng kwa Antarctica.
Mr David Hedding, o lebelela bontle jo bo gakgamatsang jwa kwa Antarctica.
<fn>NWU-NEWS. News76.2009-12-02.tn.txt</fn>
Moporof Jaco Kruger wa Sekolo sa Mmino ka mo khampaseng ya Potchefstroom le Ngaka Linda Theron wa Bosaense jwa Thuto wa khampase ya Vaaldriehoek fela maloba ka moletlo wa kabelo o o kgatlhisang ba ne ba tlhophilwe e le batlhatlheledi ba ba fentseng ka mo dikhampaseng tsa bone.
Ka moletlo o e ne e le sa ntlha go fiwa kabelo e ya Setheo ya go ruta le go ithuta morago ga Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e bopiwa ka 2004. Batlhatlheledi ba ba 34 ba khampase ya Potchefstroom le ba ba tlhano ba khampase ya Vaaldriehoek ba amogetse Kabelo ya Setheo ya go Itlhaodi ka go Ruta(KSIR) e e bidiwang Institusionele Toekenning vir Onderriguitnemendheid (ITOU) ka Seaferikanse.
Mo dikabelong tse go na le ba ba 14 ba ba amogetseng KSIR ya Prestige mme ba ba 20 ba amogetse ya KSIR mme ba le tlhano ba amogetse dikabelo tsa Porokerama ya Tlhabololo ya go Itlhaola ka go Ruta.
Ngaka Ngoato Takalo, Motlatsatlhogo wa YBB le Mokaedi wa Khudutamaga: Go ruta le go Ithuta a re KSIR e ikaeletse go tlhotlhetsa batlhatlheledi ba ruri ba akatemi ba ba rutang ka mo dikopanong tsa diphaposiborutelo ka mo YBB gore ba bontshe gore mekgwa ya bone ya go ruta e arabela ditlhokego tsa mokgwa wa go ruta wa OBE le gore go ruta ga bone go ka diragatsa thuto itumedisang ka mo karolong ya thutogodimo.
Makoko a katlholo a a bopilweng ke tokololo go tswa mo khomiting ya go ruta/ kharikhulomo ya fakalti, moitse-serutwa yo mogolo gammogo le tokololo go tswa mo uniting ya tlhabololo ya akatemi le kemonokeng a ne a atlhotse baikwadisi mo kgaisanong ya KSIR ka katlholo ya balekane. Keriteria ya KSIR e na le katlholo ya popontshwa le boitlhaodi ka mo kopanong ya go ruta, se baithuti ba se reng le go atlhola potefolio ya motlhatlheledi. Tlhotlheletso ya tiriso ya thekenoloji ka mo go ruteng le yone e ne e lebeletswe.
Molawana wa KSIR le dithulaganyo tsa yone di amogetswe ke Senata ya Setheo ka Motsheganong wa 2006 mme morago ga moo ga simololwa go tlhomela tiro ya KSIR. Molawana o o tlhomelwa le kwa khampaseng ya Mafikeng ka 2006 le 2007. Jaanong jaana go na le batlhatlheledi ba babedi fela ba ba ikwadisitseng ka mo tirong ya KSIR. Ba simolotse porokerama ka 2006 mme ba tla e fetsa ka 2007. Ngaka Takalo o tlhotlheletsa baakatemi ba khampase eo go ikwadisetsa porokerama e ka 2007. Se e ka nna karolo e nngwe ya tiro ya Motlatsa-tlhogo ka 2007 go kgweetsa porokerama e ka gore e ka thusa gape go bopa bongwe ka mo YBB e re e batlang rotlhe.
Moporof Jaco Kruger wa Sekolo sa Mmino (mo gare) o tlhophilwe e le motlhatlheledi wa mampodi ka mo khampaseng ya Potshefstroom ya YBB. Fa go ene go na le Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa YBB le Ngaka Susan Coetzee-Van Rooy, Mokaedi: Tlhabololo ya Akatemi le Tirelo ya Kemonokeng(Setheo).
Badirimmogo ba khampase ya Vaaldriehoek ba ba neng ba jele moletlo wa KSIR e e ntle. Kwa morago go na le Ngaka Pieter Möller le moporof Piet Prinsloo, Moreketoro wa khampase ya Vaaldriehoek. Mo pele go tswa molemeng go na le ngaka Elsa Fourie, moh. Daleen Gerber le ngaka Louisa Meyer. Bo-ngaka Fourie le Meyer ba amogetse dikabelo tsa KSIR ka bobedi jwa bone.
<fn>NWU-NEWS. News77.2009-12-02.tn.txt</fn>
"Go bopa dikaelo tsa tiro ya botshweretshi ka mo YBB ke boikaelelo bongwe jo bogolo ka gore se se ka nna sediriso sa go ka itekantsha le balekane le go itekantsha botshweretshi " ga bua Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa YBB ka mo khampaseng ya Potchefstroom ka nako ya kopano le go ja sefitlholo gammogo le badirimmogo ba bantshwa ba palonyana fela maloba.
O ne a amogela ba bantshwa ka mo YBB mme a ba tlhalosetsa mokgwa wa tsamaiso wa kgwebo e e nngwe ka dikhampase tse tharo mme ka ofisi ya Setheo e e direlang dikhampase tse tharo. Mo khampaseng e nngwe le e nngwe go na le moreketoro yo e leng motsamaisi wa khampase le ditiro tsa teng yo o boikarabelo go tlhokomela tiro le tsamaiso ya khampase e e rileng e le kgwebo ka boyone.
Go ya ka Ngaka Eloff YBB e ka bonwa e le setheo sa popontshwa ka gore e bona lotseno le legolo la yone go tswa mo ditirong tsa popontshwa le ka dikgwebo jaaka go nna mong wa karatšhe, senteramo ya dikhonferense ka kwa khampaseng ya Vaaldriehoek le dibebofatsi jaaka Astra Villas le Cachetpark ka mo khampaseng ya Potchefstroom.
E nngwe ya maikaelelo a togamaano a YBB ke gore mo teng ga dilemo di le tlhano tse di tlang, go nna yunibesiti ya tekatekano magareng a thuto, go ruta le go batlisisa. Yunibesiti e ikaeletsa go nna ya e e bidiwang ya "boutigue" ka gore e batla go tsholetsa bokgoni jwa yone go dira patlisiso ka gale, mme thata ka mo mafelong a mangwe go ka nna mampodi ka mo mafelong ao.
Go tlhomela borutegi ke e nngwe gape ya maikaelelo a YBB. Ngaka Eloff o tlhalositse gore le mo go na le dikarolo tse pedi gape e bong kgwebofatso ya kitso le go isa kitso kwa merafeng go e thusa. YBB e isa kitso ya teng kwa merafeng go ka e thusa go gola le go tlhabolola merafe.
Yunibesiti ke e nngwenyana fela ya diyunibesiti mo Aferika Borwa e e bofang badirimmogo ba akatemi ka ditumelano tsa tiro go ka thusa go netefatsa maikaelelo a YBB a go nna setheo se se maatla se se golelang pele mme mo bofelong e nne le yunibesiti e e etelang pele ka mo Aferika.
Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa YBB fela maloba o jele sefitlholo monate le badirimmogo ba palonyana ka mo khampaseng ya Potchefstroom. Go tswa mo molemeng go na le Ngaka Alvin Peterson wa Sekolo sa Mmino, ngaka Stefan Kruger wa Sekolo sa Kgwebofatso-ntshwa, Papatso le Tsamaiso ya Bojanala, moh. Phumzile Mmope, Mokaedi Tiragatso: Mabaka a Korporatifi le Tirisanommogo, ngaka Theuns Eloff le moporof. Annette Combrink, Moreketoro wa khampase ya Potchefstroom.
<fn>NWU-NEWS. News78.2009-12-02.tn.txt</fn>
Noka ya Vaal le tikologo e e gaufi ya Barrage ngwaga e e fetileng e ne e le mo dikganyeng ka go ne go sule ditlhapi tse dintsi. Tlhaloso e ne e le gore gongwe go diragetse ka lebaka la kgotlhelo ya mantle le morwalelo ka mo dinokeng tse di tshelang mo go ya Vaal.
Ditiragalo tse di ne di eteletswe pele ke patlisiso ya Lefapha la Metsi le Dikgwa gammogo le badiredimmuso ba mo lekgotlheng la tikologo ba Sedibeng. Ka Ngwanatsele 2005 go lemogilwe gore ke tse dingwe fela tsa dipompo tsa mantle tse di 50 tse di mo tikologong ya Vaaldriehoek tse di dirang sentle.
Kemo e e dirile gore palo e kgolo ya mantle a tshelwa ka mo teng ga noka.
Tswetso e nnile gore go diriwe tshitshinyo ya gore go agiwe thulaganyo ya manle e e ntshwa ya madi a kana ka dimileone di le R400. Porojeke e e akangwang ga se fela go tokafatsa tikologo ya noka ya Vaal mme ke go tsholetsa botlhokwa jwa tikologo ya noka go bojanala le boitapoloso.
Baenjenere ba Lefapha la Metsi le Dikgwa le ba Randwater, ba ba tsamaisang porojeke e ba kopile babatlisisi ba metsi ba khampase ya Vaaldriehoek go dirisana mmogo ka mo patlisisong ya ekonomiboago ya tikologo ya noka ya Vaal le Barrage.
Gammogo le repoto ya tshimologo e e tla tlisiwang mo mafelong a ngwaga e, kakanyo gape ke gore babatlisisi ba tla dirisana mmogo dilemo di le 4 ka ditiro tsa go tlhokomela le go dira dipatlisiso tse dingwe ka mo nokeng ya Vaal le Barrage. Patlisiso e ya tirisanommogo ya dirutwa tse dintsi e tla simolola ka kgwedi ya Mopitlwe 2007.
Barutegi ba Randwater, le Lefapha la Metsi le Dikgwa, ba tlhokomelo ya tlholego, badiredimmuso ba mmasapala, babatlisisi ba bodirelo le ditokololo dingwe tsa di-NGO ba tla tsaya karolo mo porojekeng e. Le ditokololo tsa merafe ba tla kopiwa go dirisana mmogo mo patlisisong.
Matšhwiti a ditlhapi tse di neng tsa swa morago ga kgotlhelo tse di neng tsa dira gore go diriwe patlisiso e ya boleng jwa metsi a noka ya Vaal.
Noka ya Vaal ga se fela e nngwe ya matlotlo a magolo a tlholego mme ke tshika ya bophelo jwa kgwebo ya bojanala ka mo Vaaldriehoek.
<fn>NWU-NEWS. News79.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM. - Khampase ya Potchefstroom ya YBB e itlotla ka e nngwe gape ya tsa ntlha morago ga kitsiso ya go fetsa kaedi ya ntlha e e tseneletseng ya dimelametsing e e kwadilweng ke ditokololo tsa serutwa sa Thutadimela.
Buka e e bidiwang, Easy Identification of the Most Common Freshwater Algae - a guide for the identification of microscopic algae in South African freshwaters, ke kakanyo e e simolotsweng ke ngaka Sanet Janse van Vuuren le ngaka Jonathan Taylor. Ke buka e e nang le tiriso e e seng thata e e ka thusang go itemogelela dimelametsing tsa gale tsa metsi a mašwa.
Palo e kana ka mefuta e e 78 ya dimelametsing gammogo le ditshwantsho tsa mmala le ditlhaloso tse di tseneletseng di tsentswe ka mo bukeng e.
Ngaka Van Vuuren, motlhetlheledi wa Thutadimela yo o ithutang thata dimelametsing o tlhalosa gore kakanyo ya go bopa buka e simolotse ka 1988 jaaka ene a ne a itemogela tikologo e e makatsang ya dimelametsing.
Go ya ka ene o lemogile ngwaga e e fetileng gore baithuti ba pele ga didikerii le ba morago ga didikerii ba ba tshwanetseng go bitsa dimelametsing maina ka mo diporojekeng le ka mo tirong ya therisano ba tlhoka kaedi fa ba dutse ka mo pele le mo thoko ga maekorosekopo.
Ngaka Taylor, yo o mo dithutong tsa gagwe tsa morago ga PhD mme yo o leng motlhomamisi wa kgobokanyo ya diatomo ka mo khampaseng ya Potchefstroom, o dumetse go thusa ka kaedi e ka gore diatomo ke e nngwe ya ditlhopha tsa dimelametsing.
Se se makatsang gape ka mo tirong e ya dikgakgamatso ke gore maphelo a rona rotlhe a amiwa ke dimelametsing ka gore bontsi jwa diphedi tse ga di kgone go bonwa le ka matlho.
Ga se batho ba bantsi ba ba itsing gore dimelametsi di fa okosijene mo metsing le gore di botlhokwa go tlisa okosijene fela jaaka ditlhare le bojang.
Kaedi e e tla na le mosola o mogolo gape mo bathong ba ba batlisisang metsi mme e ka na le mosola le mo bathong fela ba ba batlang go ikitsisa ka ga tikologo e e makatsang ya dimelametsing.
Bo-ngaka Sanet J van Vuuren le Jonathan Taylor, bakwadi ba kaedi ya dimelametsing.
Baitsedimelametsing ba mo khampaseng ya Potchefstroom ba YBB ke gone fela ba itsisang go gatisa buka ya ntlha e e tseneletseng ya dimelametsing ya mo Aferika-Borwa.
<fn>NWU-NEWS. News80.2009-12-02.tn.txt</fn>
VANDERBIJLPARK - Moh. Fanny Lacroix, motlhatlheledi wa Sefora le Sejeremane ka mo Sekolong sa Dipuo kwa khampaseng ya Vaaldriehoek ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima, ke gone a boang kwa Stuttgart, Jeremane, kwa a tswang go katisiwa go dirisa porokerama ya go fetola.
Khampase e ke morekisi wa SDL Trados wa semmuso mo Aferika-Borwa. Porokerama e dirisiwa go fetola makwalo ka nepagalo le ka lebelo. Go ya ka moh. Lacroix, tokololo ya setlhopha sa barekisi ba SDLkwa Sekolong sa dipuo, porokerama e e simolola e nna e e dirisiwang ke bafetoledi botlhe ba lefatshe.
Moh Lacroix dikgwedi tse pedi tse di fetileng, o ne a tsene dikopano ka ga porokerama le ditlhabololo tse dintshwa tsa teng. Gape o tsene dikatiso tsa go ka katisa badirisi ba porokerama e.
Sekolo sa Dipuo go tloga ka 2005 se nnile merekisi o le mongwe wa SDL Trados mo Aferika-Borwa. Porokerama e le katiso ya tiriso ya teng e setse e filwe diyunibesiti le ditheo le bafetoledi ba e leng tiro ya bone.
Go ka amogela tshedimosetso e e tseneletseng o ka ikopantsha le Willem Botha kwa (016) 910 3468, kapa o ka romela eposo kwa trados@nwu.ac.za (Link: mailto:trados@nwu.ac.
Moh. Fanny Lacroix, motlhatlheledi wa Sefora le Sejeremane ka mo Sekolong sa Dipuo kwa khampaseng ya Vaaldriehoek ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima, yo e leng gone a boang kwa Stuttgart, Jeremane, kwa a tswang go katisiwa go dirisa porokerama ya go fetola.
<fn>NWU-NEWS. News81.2009-12-02.tn.txt</fn>
Khansele ya Yunibesiti e dumetse diporojeke tsa diranta di le dimelione di le R62 tsa go aga.
Khansele ya Yunibesiti e dumetse diporojeke tsa diranta di le dimelione di le R62 tsa go aga.
Khansele ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e dumetse diporojeke di le 43 tsa diranta di le dimelione di le R62 tsa go aga mo 2007 mme tse dingwe di santse di emetse fela ditšhele tse di tswang kwa ntle.
Lebaka le legolo la diporojeke tse di kgolo tsa go aga le go baakanya ke go tlosa tshalelo kwa morago ya dibebofatsi ka kwa khampaseng ya Mafikeng mme le kwa khampaseng ya kwa Vaaldriehoek. Diporojeke tsa go baakanya ngwaga le ngwaga di diriwa ka mo teng ga leano la Yunibesiti le le tswelelang le legolo la dingwaga di le lesome la go tshegetsa le go baakanya.
Diporojeke tse tsa go aga di amana le maikaelelo a togamaano a Yunibesiti jaaka a tlhalositswe ka mo Leanong la Setheo. E nngwe ya maikaelelo a a togamaano ke go baakanya Yunibesiti go nna ya tekatekanyo magareng a go ruta le go ithuta le patlisiso.
Mo diporojekeng tse di simololwang jaanong jaana ke kgato ya boraro mo kagong ya Boitekanelo jwa Diphologolo mo khampaseng ya Mafikeng. Mo go lebeletswe laboratoriamo ya dikhomputara, phaposiborutelo le diofisi tsa badirimmogo.
Diporojeke tse dingwe mo khampaseng ya Mafikeng ke marobala a baithuti, laboratoriamo ya dikhomputara, marulelo le kago ya go tsamaisa ba ba tsenang ka maoto kwa hekeng ya khampase gammogo le legora le le dikologang mme le tswalela khampase.
Ka mo khampaseng ya Potchefstroom go tokafatsa dikago, dikamore le dilaboratoriamo kwa difakalthi tse di farologaneng. Gape go akangwa marulelo a Bogogelo jwa Amfi mme borobalo ba Heide bo a ntshwafatswa mme gape go lebelelwa go tsenya motlakase wa tshoganyetso mo khampaseng.
Ka kwa khampaseng ya Vaaldriehoek go lebelelwa kgato ya go akanya diphaposiborutelo tse dingwe le go tsenya motlakase wa tshoganyetso le kgato ya ntlha ya go aga diofisi tsa SRC.
Bontsi jwa badirimmogo ba ofisi ya Setheo ba ba dirang ba phatlhaletse mo khampaseng ya Potchefstroom, ba tlile go hudugisiwa kwa kagong ya Enan ka mafelo a ngwaga ka dikgala.
Jaaka go akangwa, go tlisa batho ba ba dirisanang letsatsi le letsatsi mo kagong e le nngwe go tla tokofatsa khumo ya ditiro tsa bone mme se se tla tlisa le pharologano magareng a ditiro le ditirelo tsa khampase le tsa setheo.
Go baakanyetsa kago ya Enan go nna diofisi tsa Setheo e nnile leano ka gore ditshenyegelo tsa teng ga di dintsi jaaka fa go kabo go agilwe kago e e ntshwa.
Mosola o mongwe gape wa leano le ke gore fa go huduga go feditswe go ka bulela khampase mafelo a a ntseng a seyo. Badirimmogo ba kago ya Enan ba tlile go hudugisiwa kwa dikagong tse dingwe ka mo lefelong la tikologo ya bone mo khampaseng.
Bontsi jwa badirimmogo ba ofisi ya Setheo ba tlile go hudugisetswa kwa kagong ya Enan ka mafelo a ngwaga ka dikgala.
<fn>NWU-NEWS. News82.2009-12-02.tn.txt</fn>
MAFIKENG - Khampase ya YBB ya Mafikeng fela maloba e ne e tshwaretse pontsho ya maiphediso le khonferense ya ditšhabatšhaba e e neng e biditswe "Population and Development in Africa: Research and Policy Dialogue for Africa".
Barutwana ba setlhopha sa 12 go tswa mo dikolong tse dikgolo di le 41 go tswa mo tikologong ya Mafikeng, Ditsobotla le Setla-Kgobi ba ne ba tsene ponstho e ya maiphediso e e neng e tshwerwe ka mo tlase ga folaga ya CEIACareer Exhibition and Information Association ka mo Senteramong ya Pontsho ya SABC. Go ne go dirisane ditheo tse di fetang 20, mme mo go tsone go ne go na le diyunibesiti le mafapha a a farologaneng a mmuso.
Khonferense ya ditšhabatšhaba e e neng e biditswe "Population and Development in Africa: Research and Policy Dialogue for Africa" e ne e tshwaretswe kwa Tusk Mmabatho. Dithomeletso di ne di amogetswe go tswa bokgakala jwa bokone jwa Aferika le borwa jwa Amerika.
Ka kgwedi ya Mopitlwe Porokerama ya Thuto ya Boitekanelo jwa Diphologolo ba tlabo ba tshwerwe diseminara tse pedi tse di tlabong di rutiwa ke Moporof. William J. Silvia go tswa kwa Yunibesiting ya Kentucky kwa Lexington, USA. Moporof. Silvia o setse a kwadile diathikele le dibuka tse dintsi ka mo dithutong tsa boitekanelo jwa diphologolo. O tla ruta seminara ya "Breeding Problems in Dairy Cattle" le e nngwe gape ya "Agriculture in Kentucky".
<fn>NWU-NEWS. News83.2009-12-02.tn.txt</fn>
Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela maloba e ne e tlotla baakatemi ba ba 16 ba ba amogetseng dikatlholo tsa maemo go tswa go National Research Foundation (NRF). Gape babatlisisi ba ba kwadileng diathikele tse dintsi go feta le bone ba ne ba tlotliwa. Moporof. BJ van der Walt wa Sekolo sa Filosofi ka mo Tikologong ya Patlisiso ya Tlhabololo e e Tswelelang ya Loago wa mo khampaseng ya Potchefstroom ya YBB o ne a le mofenyi wa Yunibesiti ka bophara.
Mmatlisisi a le mongwe wa kwa khampaseng ya Mafikeng le ba ba robongwe go tswa mo khampaseng ya Potchefstroom ba ne ba atlhotswe maemo gape. Babatlisisi ba babedi ba kwa khampaseng ya Vaal Triangle le a le mongwe go tswa kwa khampaseng ya Mafikeng le ba bararo go tswa kwa khampaseng ya Potchefstroom ba ne ba atlholwa maemo sa ntlha.
Go ya ka Moporof. Amanda Lourens, Mokaedi wa Setheo: Patlisiso le Popontshwa, a re go amogela katlholo ya maemo a NRF ke tiro e e tlotliwang ka gore ke babatlisisi ba ba 10% ba mo diyunibesiting tsa Aferika-Borwa fela ba ba amogelang katlego ka kamogelo ya katlholo ya maemo.
Bakopi ba katlholo ya maemo ba tsenelela katlholo ya balekane ba ditšhabatšhaba bo-maitsegotlhe ba dirutwa ba kopiwang gore ba fane ka dikakanyo tsa bone tsa boitsegotlhe ka ga boleng jwa bakopi le ditiro tsa bone tsa go kwala le go batlisisa mo dilemong tse di supang pele ga katlholo le gore maemo a bone ka mo tikologong ya patlisiso e bonwa e le ya moitsegotlhe ka mo gae le ka mo ditšhabatšhabeng. Dikakanyo tse tsa baatlhodi di atlholwa gape ke dipenele tsa NRF go bonwa gore ba ka fitlhela katlholo ya maemo afe ka gore go na le maemo a a farologaneng.
Go ya ka Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa YBB, e nngwe ya maikaelelo a togamaano ke go tsholetsa patlisiso le popontshwa le go dira gore Yunibesiti e nne setheo sa tekatekanyo magereng a go ruta le go batlisisa ka 2010. Mo dingwageng tse di nne tse di fetileng patlisiso ya Yunibesiti e ile ya oketsa gabedi mme go gola go ya pele go akangwa mo dinakong tse di tlang.
Pele ga Seetebosigo wa ngwaga e, YBB e ikaela go ipeela ditekanyetso tse di ka dirisiwang gore e kgone go itekanyetsa tse di latelang mo go tsone jaaka go ruta le go ithuta, patlisiso, tiriso ya boitsegotlhe le popontshwa.
Moporof. Frikkie van Niekerk, Mokaedi Khudutamaga: Patlisiso le Popontshwa, o rile le ene gore didikerii tsa MA le PhD di ntsifetse thata dingwaga tse tlhano tse di fetileng. Maikaelelo a Yunibesiti gape ke go oketsa baithuti ba morago ga PhD ka mo badirimmogong ba akatemi ka diporosente di le 10.
Go agela bokgoni godimo le gone go botlhokwa thata mme YBB e lebeletse go tlhotlheletsa babatlisisi ba baswa gore ba bope babatlisisi ba dingwaga tse di seng kwa godimo thata mme patlisiso e se diriwe thata fela ke ba ba dilemo tse dintsi.
Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela maloba e ne e tlotla baakatemi ba ba 16 ba ba amogetseng dikatlholo tsa maemo go tswa go National Research Foundation (NRF). Ka mo morago go na le Moporof. Michael McPherson, Dini: Fakalthi ya Bolemirui, Saense le Thekenoloji, Khampase ya Mafikeng, Moporof. Dan Kgwadi, Moreketoro: Khampase ya Mafikeng le Moporof. Frikkie van Niekerk, Mokaedi Khudutamaga: Patlisiso le Popontshwa. Ka mo pele go tswa mo molemeng: Moporof. Amanda Lourens, Mokaedi wa Setheo: Patlisiso le Popontshwa, Moporof. Sevid Mashego, Motlatsamoreketoro Akatemi: Khampase ya Mafikeng, Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima.
Babatlisisi ba YBB ba ba kwadileng diathikele tse dintsi go feta tse di nang le makwaloitshupo le bone ba ne ba tlotliwa. Ka mo morago go na le Moporof. Hans van Deventer, Khampase ya Vaal Triangle, Moporof. Piet Prinsloo, Moreketoro wa Khampase ya Vaal Triangle, le Moporof. Tinie Theron, Dini: Fakalthi ya kwa Vaal Triangle. Ka mo pele go tswa molemeng go na le: Moporof. Pieter de Klerk, Khampase ya Vaal Triangle, Moporof. Amanda Lourens, Mokaedi wa Setheo: Patlisiso le Popontshwa , Moporof Frikkie van Niekerk, Mokaedi Khudutamaga: Patlisiso le Popontshwa, Moporof. Johann Tempelhoff, Khampase ya Vaal Triangle, Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima.
Ka mo moketeng wa dijo tsa mantsiboa go ne go na le baakatemi ba nang le makwaloitshupo wa NRF mme bone ke, go tswa mo morago mo molemeng: Stefan Ferreira, Khampase ya Potchefstroom, Moporof Frikkie van Niekerk, Mokaedi Khudutamaga: Patlisiso le Popontshwa, le Moporof. Mariëtte Lowes, Motlatsa moreketoro Akatemi, Khampase ya Potchefstroom. Mo pele go tswa mo molemeng Moporof. Amanda Lourens, Mokaedi wa Setheo: Patlisiso le Popontshwa, Moporof. Wilma Viviers, Khampase ya Potchefstroom, Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima, Moporof Linda Jansen van Rensburg, Khampase ya Potchefstroom, le Moporof. Annette Combrink, Moreketoro wa Khampase ya Potchefstroom.
<fn>NWU-NEWS. News84.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Dikgang tse di itumedisang ke gore go itsisitswe gore setlhopha sa babatlisisi ba ditšhabatšhaba tse di farologaneng ba High-Energy Stereoscopic System (HESS) le setlhopha sa babatlisisi ba khampase ya Potchefstroom ya YBB ba fentse kabelo e e tlotlegang ya Saense ya Descartes.
Khomišhene ya Yoropa ba tlhophile diporojeke tse tharo tsa patlisiso ba ba tla kagaganyang madi a kana ka di-euro di le melione. Ka mo Yunieneng ya Yoropa(EU) e bidiwa ka gale e le "Nobel Prize" ya ditlhopha tsa saense tsa ditšhabatšhaba tse di farologaneng.
Setlhopha sa HESS e e bopilweng ke babatlisisi ba palogare ya 100 go tswa mafatsheng a a farologaneng, ba ne ba biditswe leina ka mo karolong ya disaense tsa theo ka porojeke ya bone ya leina la A new glimpse at the highest-energy Universe. HESS e bopilwe ke ditelesekopo tse nne tsa di-gamma ray kwa Namibia, tse mo dilemong tse di fetileng di lemogileng dimakatso ka ga di-gamma ray ka mo tlholegong.
Bafenyi ba ngwaga e ba ne ba tlhopilwe go tswa mo go ba ba 13 ba ba neng ba biditswe maina. Botlhe ba bone ba ne ba dirile tiro e e bulang tsela. Ba ba 13 ba ne ba tlhopilwe mo go ba ba 66 ba ba neng ba tseneletse kgaisano. Katlego e ne e ntshiwa ke panele e e neng e eteletswe pele ke Tona ya pele ya Fora wa Mabaka a EU, mme moapi wa pele, Moh. Claudie Haigneré a na le babatlisisi ba maitsegotlhe ba kwa mafatsheng a a 11 go tswa kwa EU.
Go ya ka moeteledipele wa porojeke wa setlhopha sa HESS sa mo Aferika-Borwa, Moporof. Okkie de Jager, ke tlotlo e kgolo go ka fenya kabelo. "Kabelo e bontsha gore ditlhopha tsa saense tsa mo Aferika-Borwa di ka tsamaya mmogo le ba ba kwa pele ba mo lefatsheng ka bophara."
Bontsi jwa dipatente tse di leng karolo ya go ikwadisetsa Kabelo ya Descartes di tswa ka mo YBB mme di le nne go tswa mo patlisisong ya HESS ke tsa YBB.
Setlhopha sa Babatlisisi ba HESS ba khampase ya Potchefstroom ke (kwa morago) Moporof. Okkie de Jager, barena Mathew Holleran le Christo Venter, le Ngaka Ingo Buesching. Mo pele go na le Moporof. Christo Raubenheimer. Go tsentswe le Mor. Isak Davids.
<fn>NWU-NEWS. News85.2009-12-02.tn.txt</fn>
VANDERBIJLPARK - Akatemi ya Kerikete ya VaalPukke kwa khampaseng ya Vaal Triangle ya YBB e itlotla ka batshameki ba bararo ba ba tshamekang ka mo tikologong ya ditšhabatšhaba.
Morago ga go ja nala ka katlego gantsi go ya go Engelane ka setlha sa 2005/2006 batshameki ba mo akatemi ga ba a amogela maitemogelo fela mme ba dumeletse dutemelano tse di farologaneng tsa tirisanommogo ka mo metshamekong ya ditšhabatšhaba. Batshameki ba bararo ba akatemi, Wikus Botha, Francois Haasbroek le Leon Bender, ba amogetse dikopo tsa go tla go tshamekela ka mo setlheng sa kerikete sa dikelapa tsa kwa Engelane mme ba tla emisa folaga ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima ka kwa moseja.
Wikus Botha o tla tshamekela Scotland setlha sa bobedi jaanong mme Francois Haasbroek o tla tshamekela kelapa ya Liverpool mo lliking ya peremiri. Se ke morago ga go na le setlha se se katlego sa ntlha ngwagola kwa Scotland. Motshameki wa boraro, Leon Bender, o tla tloga mo Aferika-Borwa ka 8 Aporele go ikopantsha le kelapa ya Swindon go tshameka setlha sa ntlha sa gagwe e le motshameki wa ditšhabatšhaba.
Go ya ka Mor. Malan Morkel, motlhankedi wa metshameko kwa khampaseng ya Vaal Triangle mme gape mokatisomogolo wa Akatemi go bitsa ga batshameki ba Akatemi go tshamekela ditšhabatšhaba ke se ba ikaeletseng sona go ka bopa batshameki ba maemo mme se se botsha gape gore Akatemi ke e e tshwanetsweng go elwa tlhoko ka mo gae le ka mo moseja.
Go tloga ka mo molemeng go na le Wikus Botha, Francois Haasbroek le Leon Bender.
<fn>NWU-NEWS. News86.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCEHFSTROOM - Baatlhodi ba kwa moseja ba atlhotse porokerama ya ka mo Sekolong sa Katiso e e Tswelelang ya Barutabana ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima mo khampaseng ya Potchefstroom mme ba e bona "e le bolhokwa go na le tse dikhoso tse dintsi tsa mo diyunibesiting tsa mo lefatsheng fa e bapisiwa le tsone"..
Baporof. Frank Banks le Peter Knight go tswa kwa The Open University kwa UK, e nngwe ya diyunibesiti tse dikgolo tsa katiso ya baithuti ba ba kgakala mo lefatsheng ba atlhotse mme ba rile gore porokerama e ga e na balekane ka mo Aferika-Borwa.
Sekolo se se se bidiwang The School for Continued Training of Teachers (SCTT) jaanong jaana se direla baithuti ba barutabana ba palogare ya 18 000 mo Aferika-Borwa le kwa Namibia. Maikaelelo a porokerama ke go tsaya barutabana ba ba sa katisiwang le ba ba se nang katiso e e lekaneng go fitlha kwa dithutong tsa go ka fitlha kwa maemong a dithuto tsa dingwaga tse tharo morago ga materiki.
Mokaedi wa SCTT, Moporof Manie Spamer, a re ba latela sekao sa go ruta se se bukegileng. Go na le nako ya go ithuta e e palo e nnye le ya palo e ntsi ya go ithuta e e beilweng mme barutabana ba ka ikwadisa fela jaaka ba rata mme ka nako e ba e ratang.
Tiro e kgolo e e diriwa ke disenteramo tse 36 tsa go ithuta mo Aferika-Borwa ka bophara mme le batlhatlheledi ba ba 26 ba ruri le badirimmogo ba 195 ba tsamaiso. SCTT e na le badirimmogo ba babedi gape ba e leng Open Learning Group ya kwa Gauteng le Institute for Open Learning kwa Namibia. Ditheo tse pedi tse ba tlisa kemo nokeng ya tsamaiso ya porokerama.
"Ka gale, re ne re sa itse ruri gore porokerama e lekana le diporokerama tse dingwe tsa ditšhabatšhaba mme ke ka lebaka le re kopileng baporofesara ba babedi ba kwa UK gore ba tle go re direla katlholo," ga bua moporof Spamer.
Ka mo kakaretsong ya katlholo baporofesara ba babedi ba ba rile gore kgato ya go ba biletsa katlholo e ne e le kgato e e bontshang bogolo gore SCTT e bitse bone go tla go atlhola ka ba le ditokololo tsa yunibesiti e e kgolo ya mo lefatsheng ya go katisa baithuti ba ba kgakala. "Bogolo bo bo tlisitse khumo e kgolo jaanong, re kgatlhegile thata. Mo bofelong kakaretso ya katlholo ya rone ke go re diporokerama tsa mo YBB di feta dikaelo tsa mo Aferika-Borwa kgakala mme di feta le tse dintsi tsa diyunibesiti tsa mo lefatsheng ka bophara," ga bua baatlhodi ba go tswa kwa moseja.
Ngwaga e e fetileng SCTT e saenile khonteraka le Lefapha la Thuto la porofense ya Bokone Bophirima go katisa barutabana ba ba 30 000. "Re na le tumelano e e tshwanang le kwa go la Mpumalanga," ga bua Moporof Spamer.
Go tswa mo olemeng go na le Moporof. Manie Spamer, Mokaedi wa SCTT, Moporof. Annette Combrink, moreketoro wa khampase ya Potchefstroom ya YBB, Moporof. Mariëtte Lowes, Motlatsa-reketoro wa Vice-Rector wa khampase ya Potchefstroom, Peter Knight, Mokaedi wa Setheo sa Thekenoloji ya Thuto kwa Open Learning University kwa UK, le Frank Banks, Mokaedi wa Senteramo ya Patlisiso le Tlhabololo ka mo katisong ya Barutabana, le ene go tswa kwa The Open University.
<fn>NWU-NEWS. News87.2009-12-02.tn.txt</fn>
MAFIKENG - Baitsegotlhe ba babedi ba Dipalo ba go tswa kwa Tereki ba ne ba jele nala go tla mo International Institute for Symmetry Analysis and Mathematical Modelling (IISAMM) kwa khampaseng ya Mafikeng ya YBB.
Yo mongwe wa baeng e ne e le moporof. Gazanfer Unal, moporofesara ka mo Lefapheng la Dibanka le Ditšhelete le kwa Lefapheng la Dipalo wa kwa yunibesiting ya Yeditepe kwa Istanbul kwa Tereki mme gape e le motseleganyi wa jenale ya "Communications in Nonlinear Science and Numerical Simulation," e e gatisiwang ke Elsevier.
Moporof Unal o ne a ruta wekshopo ya baithuti morago ga dikerii le badirimmogo.
Pampiri e nngwe e e neng e bopilwe gammogo le Moporof. Masood Khalique, Mokaedi wa IISAMM, e e bidiwang "Linearization of one-dimensional non-autonomous jump-diffusion stochastic differential equations" e ne ya fetswa mme ya romelwa kwa jenaleng ya Journal of Nonlinear Mathematical Physics.
Moporof. Mehmet Pakdemirli wa Lefapha la Boenjenere jwa Mekhenikale wa kwa yunibesiting ya kwa Celal Bayar ya kwa Tereki le ene o ne a etetse mo IISAMM. Ene o rutile diseminara tse pedi ka ditlhogo tsa: "Comparison of approximate symmetry methods" le "The link between root finding algorithms and perturbation theory" go baithuti morago ga dikerii le badirimmogo. O dirile patlisiso gammogo le Moporof. Khalique, e e feletseng go nna pampiri ya patlisiso ya leina la: "Symmetries of boundary-layer equations of the modified second-grade fluid," mme ya romelwa go ka gatisiwa kwa Acta Mechanica.
"Leeto la baporofesara Unal le Pakdemirli le ne le le botlhokwa thata go tlhabolosa IISAMM le go godisa diporokerama tsa patlisiso tsa badirimmogo le baithuti ba morago ga didikerii mo lefapheng la Bosaense jwa Dipalo", ga bua Moporof. Khalique.
Maikaelelo a IISAMM ke go tlhabolosa le go godisa tlhaloganyo ya molokololo wa semetri le dikao tsa dipalo ka go tshwaragantsha patlisiso le dithuto tsa mo yunibesiting ka ditlhokego le mathata tsa intaseteri le go katisa baithuti go tsenelela mafelo a.
Go tswa mo molemeng ke moh. Pauline Ntsime, Modirimmogo wa mo IISAMM, Moporof. Gazanfer Unal go tswa Tereki, le Moporof. Masood Khalique, Mokaedi wa IISAMM.
Moporof. Mehmet Pakdemirli go tswa Tereki (kwa morago wa bonne go tswa molemeng) gammogo le badirimmogo le baithuti ba IISAMM (International Institute for Symmetry Analysis and Mathematical Modelling kwa Khampaseng ya Mafikeng ya YBB.
<fn>NWU-NEWS. News88.2009-12-02.tn.txt</fn>
MAFIKENG - Khampase ya Mafikeng ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e jele mokete wa beke ya laeborare fela maloba. Laeborare e ne ya tsaya matsapa a magolo go ruta baithuti le badirimmogo dirisa le go na le bokgoni jwa go batla ka didiriso tse dintshwa tsa Federated Search Database le TDNet, tse e leng didiriso tsa go batla tse di itlhaotseng gore badirisi ba tsone go batla thata data e ba e tlhokang. E batlisa monate ka gore e kgona go fitlhela tshedimosetso e e farologaneng e e amanang le tlhogo e e batliwang ka mo mafelong a a farologaneng jaaka dijenale le metswedi e mengwe ka go e batlisa gangwe fela ka patlo e le nngwe fela. TDNet e bonwa e le sediriso se se tokofatsang bophelo jwa mo akatemi jwa patlisiso le go tsaya dikgato gagolo.
Ka nako ya beke ya laeborare go ne go fiwa boitshwarelo jwa botlhe ba ba molato kgatlhanong le laeborare. Mongwe le mongwe wa ditokololo tsa laeborare ba ba neng ba tshwere dibuka kwa ntle ga molao le ka nako e e setseng e fetile ba ne ba fiwa nako ya boitshwarelo mme ba fiwa nako a go di busa kwa ntle ga go ba duedisa dikotlo. Boitshwarelo bo ne jwa fela ka 23 Mopitlwe 2007 ka 16:30.
<fn>NWU-NEWS. News89.2009-12-02.tn.txt</fn>
MAFIKENG - Sir Dave Richards, Modulasetulo wa Kgwele ya Maoto ya English Premier Soccer League, o tla nna moeti wa tlotlo ka tlhomelo ya semmuso ya Setheo sa Kgwele ya Maoto ka mo khampaseng ya Mafikeng ka 11 Moranang 2007.
Ka nako ya tlhomelo, polaka ya borase e tla bulwa Sir Richards le Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa YBB mme go latelwe ke motshameko magareng a setlhopha sa Setheo sa Kgwele ya Maoto kgatlhanong le setlhopha sa U/19 ya Mamelodi Sundowns.
Setheo, ka moemelamolato-mogolo wa English Premier Soccer League jaanong jaana e na le baithuti ba ba 40 ba ba kwadisitsweng. Setheo se ruta dikhoso tsotlhe tse di leng teng kwa khamapseng gammogo le diploma ya Bosaense jwa Metshameko ka molebo o mogolo ka mo kgweleng ya maoto. Gape go baakanyeditswe dikhoso tsa katiso le dikampa tsa katiso ya bakatisi ba dikolo, dikelapa le diporofense le ba setšhaba.
Ka Setheo se, Yunibesiti e ikaeletse go dirisa Kgwele ya Maoto go godisa thuto le tlhabololo ya merafe le go abela bogolo mo Kgaisanong ya Lefatshe ka 2010.
Motsamaisi wa Setheo sa Kgwele ya Maoto ke Mor. Mark Olckers mme mokatisi ke Mor. Jan Malombo Lechaba, ba ba tshameketseng Kaizer Chiefs le Mamelodi Sundowns ka dilemo tsa 1980 le tsa tshimologo ya 1990.
Tlhomelo e tla tshwarelwa kwa Senteramong ya Chris Hani mme go ka na le mafoko a kamogelo go tswa go Moporof. Dan Kgwadi Moreketoro wa Khampase ya Mafikeng.
Go tswa mo molemeng ke Mor. Jan Malombo Lechaba, Mokatisi wa Setheo sa Kgwele ya Maoto, Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa YBB le Moporof. Dan Kgwadi, Moreketoro wa Khampase ya Mafikeng, Mor Mark Olckers, Motsamaisi wa Setheo sa Kgwele ya Maoto, le Mor. Lester Mpolokeng, Motsamaisi mo ofising ya Moreketoro wa Khampase.
<fn>NWU-NEWS. News9.2009-12-02.tn.txt</fn>
Yunibesiti ya Bokone-Bophirima gompieno e nnile yunibesiti ya ntlha e e kopantshitsweng go thapa baeteledipele ba ba kwa godimo ka kopano ya Khansele mo Potchefstroom. Dithapo tse di sala morago thapo ya Ngaka Theuns Eloff go nna motlatsa-khansele mo tshimologong ya ngwaga.
Khomiti e e neng e bopilwe ke Ngaka Lydia Sebego(Modulasetulo wa Khomiti e le motlatsamodulasetulo wa Khansele), Ngaka Leon Wessels(Tokololo ya Khansele), Mmueledi ZolekaSicwebu(Tokololo ya Khansele) le Ngaka Theuns Eloff (Motlatsa-Khansele) ba ne ba filwe maatla ke Khansele go tsamaisa tiro ya go thapa batsamaisi ba mme go tla ka maina mo Khanseleng.
Khomiti e ya Khansele e ne e ela tlhoko mabaka a a latelang gore ba kgone go tlisetsa Khansele maina.
Keriteria e e dirisitsweng ke go amogela motho yo o siameng go feta mo tirong e nngwe le e nngwe ka go lebelela bokgoni, maitemogelo, tekatekanyo ya bong, diphetogo le tswelelopele. Senete le dikhomiti tsa dikhampase le IF ba ilwe ba bodiwa dikgakololo tsa bone ka ga tshiamo ya batho jaaka Khomiti ya Khansele e ba file maina.
Moreketoro wa Khampase ya Potchefstroom: Moporof.
Moreketoro wa Khampase ya Vaal Driehoek: Moporof.
Mokwaledi wa Setheo: Moporof.
Mokaedi wa Setheo: Ditshelete le Dibebofatsi: Moporof.
Mokaedi wa Setheo: Metswedithuso ya batho, Mabaka a baithuti le Boakanyetsi: Moporof.
Motsamaisi wa Setheo: Neeletsanyo ya Korporasi: Me. Shamiela Letsoalo.
Phatlhatiro ya Moreketoro ya khampase ya Mafikeng ga e a tladiwa jaaka go akantswe ke Khansele mme tiro e ka diriwa papatso go ya kwa ntle.
Motlatsa-khansele Ngaka Theuns Eloff o buile gore tswetso e ya tlhopho ya batsamaisi ba ba kwa godimo ke tshimologo ya diphetogo tse di tswelelang ka mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima: Mo go ba ba thapilweng go na le ba bararo ba ba tswang mo ditlhopheng tse di kopiwang ke mmuso mme Khansele e akantshe thata thulaganyo ya go salana morago mo nakong e e tlang Ka mo ntlheng e nngwe setlhopha se sa batho ke ba ba nang le bokgoni bo bogolo ka maitemogela a magolo ka mo thutogodimong le ka mo tiregong e ya kopano ya diyunibesiti go fitlhela jaanong. Ka kgato e ya Khansele maatla le tswelelopele ya tirego ya kopano, e e fetang tsotlhe ka mo Aferika-Borwa, e amogetse maatla go feta, ga bua Eloff.
Mor. Litha Nyhonyha, Modulasetulo wa Khansele le ene o buile boitumelo jwa gagwe ka bosiamisi le ponagalo e tirego e mme o rile gore Yunibesiti e kgonne go thapa batsamaisi ba ba kwa godimo ka katlego gore ba kgone go tsweledisa tshiamo le kagiso ya badirimmogo le baithuti mme go se nne le dipelaelo mme mewa ya botlhe e tokafadiwe.
<fn>NWU-NEWS. News90.2009-12-02.tn.txt</fn>
VANDERBIJLPARK. - Khampase ya Vaal Triangle ya YBB e ne e tshwere kopano ya ntlha ya SRC(Students' Representative Council) ya ntlha mo dilemong di le 30. Baithuti ba kgale ba ba neng ba tswa bokgakala jwa kwa Kanada, Fora le kwa Boritane ba ne ba tletse kopano.
Khampase e fetogile thata go tloga ka kgetho ya SRC ya ntlha ka 1979 e rile baithuti ba ruri ba ne ba le palo ya 24. Gompieno baithuti ba khampase ba setse ba feta palo ya 3000. E ne e le ka nako e, go boela morago ka dingwaga di le 30, mo khampase e ya noka e ne ya bidiwa Khampase ya Vaal Triangle.
Maikaelelo a kopano ya baithuti ba kgale e ne e se fela go bontsha baithuti tlhabololo ya khampase mme e ne e le go simolola Kokoano ya Baithuti ba Kgale ba VaalPukke e e bidiwang VaalPukke Alumni Chapter. Thulaganyo ya baithuti ba kgale e setse e le kana ka maina a le 2000 ka mo khampaseng ya Vaal Triangle.
VaalPukke Alumni Chapter e bopilwe ke Khansele ya Yunibesiti mme e wela ka mo tlase ga boikarabelo jwa Khansele.
Ka go tsenela kopano ya baithuti ba kgale, baeteledipele ba baithuti ba ne ba na le tshono ya go ka bona tsamaiso ya khampase ka bo-bone mme ba ikutlwela le setso se se ntshwa sa mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima. Lenane le ne le na le leeto ka mo khampaseng, go tsamaya mo metsing ka sekepe le go buisana ka tapoloso ka mo thoko ga noka ya Vaal. Tlhogo ya kopano e ne e le: "Where do your roots lie" mme ga bonwa ka bonako gore mowa wa moithuti o o bophelo o phelela ruri mme ga go reye gore o na le dingwaga tse kae?
Ba kgale le ba segompieno. Modulasetulo wa ntlha wa SRC wa Khampase ya Vaal Triangle Mor Koos Pretorius (1979), o tlotla ka ga tsa kgale gammogo le modulasetulo wa jaanong jaana Mor Wilberforce Runeli.
Ba boetse phaposiborutelong. Baithuti ba dingwaga di le 30 tse di fetileng ba kopane gape sa ntlha mo kopanong ya ntlha ya SRC ya kgale ka mo khampaseng ya Vaal Triangle.
Baeteledipele ba baithuti ba ba itlhaotseng. Kopano ya ntlha ya baithuti ba kgale le ba SRC ya kopantsha ba dingwagasome di le tharo tse di fetileng kwa Khampaseng ya Vaal Triangle.
<fn>NWU-NEWS. News91.2009-12-02.tn.txt</fn>
Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) mo teng ga nakwana e tla tlhomela Letswaokgwebo la tlhaolo le lentshwa le le ipopileng la ruri e e amogetsweng ke botlhe ba khansele ka kopano ya Khansele ka 16 Mopitlwe.
Letswaokgwebo la tlhaolo le lentshwa le bopilwe ka mebala ya korporatifi e e tlisiwang ke dikhampase le le motlhala ka mo tlase, boleng jwa letswaokgwebo le sekao sa letswaokgwebo tse gammogo di bopang letswaokgwebo lotlhe.
Tlhabololo ya letswaokgwebo la tlhaolo ke kgala ya bobedi ka mo tseleng ya go bopa Letswaokgwebo morago ga go dira palotlhotlhwa e e tseneletseng magareng a badirimmogo le baithuti ba jaanong le ba kgale go kgona go itsisa le go tlhabolosa Letswaokgwebo le lentshwa.
Dikarabo tsa patlisiso di bontshitse gore diphitlhelelo tsa baithuti ka tse ba ratang go itshwaragantshang le tsone ke gore go ne le dikhoso tse di farologaneng, bophelo jwa baithuti jo bo phelang, dithuto tse di amogelwang mo lefatsheng ka bophara, boleng jwa dithuto le dithuto tse di ka go tlhomamisetsang go go fa bophelo ka go amogela tiro kapa go kgona go itirela. Mo badirimmogong ba YBB ba bontshitse gore diphitlhelelo tsa bone tse ba ratang go itshwaragantshang le tsone ke mesola ya thapo, tikologo e e monate ya go direla, boitumelo jwa mo tirong le go amogelwa ka mo tirong.
Mabaka a tlhokegang a Letswaokgwebo a a tlhaolang a kopantshitswe go bopa kakanyo e e nngwe go tshwara kakanyo e le nngwe ka Letswaokgwebo la tlhaolo le lentshwa le le tsamaisanang le Leano la Setheo. Boleng jwa Letswaokgwebo la YBB bo tlhaotswe mme bo tlhalosediwa ka mabaka a a latelang.
"Go maatlafatsa, Popontshwa le go tlisa diphapaano".
"Boleng jwa Letswaokgwebo ke tlhomamiso ya Letswaokgwebo mo batsayakarolong botlhe. Batsayakarolo botlhe ba tshwanetse go amogela yunibesiti le go itemogela gore yone e a maatlafatsa mme e tlisa popontshwa le diphapaano. Maikaelelo a ke one a re neng re a solofetse go tlisa ka tlhabololo ya Letswaokgwebo le lentshwa" ga tlhalosa Moh. Phumzile Mmope, Mokaedi Khudutamaga wa mabaka a Korporatifi le Kamano.
Dikarabo tsa patlisiso gape di bontshitse gore ga go na kamogelo e e kgolo e e itumedisang ya Letswaokgwebo la jaanong jaana la setheo. Go latela go fetsa tiro ya letswaokgwebofatso, Letswaokgwebo la setheo le bopilwe gape gore le lebagantshiwe le togamaano ya letswaokgwebofatso la bofelo la ruri. Ka go dirisa kakanyo ya letswaokgwebo la jaanong jaana go ne ga oketswa linki e nngwe ya keetane go tlisa kakanyo ya mo gare ya go bontsha setheo sa bophelo, bonngwe, botswerere, popontshwa, maatlafatso gammogo le tirisanommogo ya dikhampase tse tharo. Letswaokgwebo le le ipopileng gape le dumela mme le aga mo godimo ga tekatekanyo ya tlhaolo ya jaanong jaana ya dingwaga tse tharo tse di fetileng.
Go ka lebelela togamaano ya Letswaokgwebo le le amogetsweng le Letswaokgwebo la tlhaolo o ka klika fa (Link: http://www.nwu.ac.za/gov-man/Branding/Branding_strategy. Council.pdf).
<fn>NWU-NEWS. News92.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Ka kopano ya go ja sefitlholo Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) o ne a tlotla setlhopha sa babatlisisi ba HESS(High-Energy Stereoscopic System) ba ba neng ba le karolo ya babatlisisi ba ditšhabatšhaba ba ba fentseng kabelo ya Saense ya Descartes e e tlotlegang fela maloba.
Setlhopha sa HESS, se ne se bopilwe ke palogare ya babatlisisi ba ba 100 go tswa kwa mafatsheng a a farologaneng, ba ne ba biditswe maina mo karolong ya saense ya ka porojeke e e neng e bidiwa: A new glimpse at the highest-energy Universe.
Karolo ya setlhopha ya mo gae e e neng e ja sefitlholo e ne e le Moporof. Okkie de Jager, moeteledipele wa setlhopa, Moporof. Christo Raubenheimer, Ngaka Ingo Büsching, le barena Mathew Holleran le Christo Venter. Moporof. Annette Combrink Moreketoro wa khampase ya Potchefstroom le Moporof. Kobus Pienaar, Diini wa Fakalthi ya Bosaense jwa Tlholego ba ne ba le mo kopanong le bone.
"Re kgatlhegile thata ka babatlisisi ba," ga bua Ngaka Theuns Eloff. Go ya ka ene Aferika Borwa e mo nakong ya hisitori ya mo ditheong tse di nang le katlego, tse di ikaeletseng bokgoni jwa go itlhaola, di tlhokegang.
E nngwe ya maikaelelo a togamaano a YBB ke go nna Yunibesiti e e nang le tekatekanyo ya go ruta le go batlisisa mo dilemong di le tlhano tse di tlang. Ka patlisiso jaanong jaana YBB e bonwa gongwe e le ya boratharo mo diyunibesiting tsa mo Aferika Borwa, mme se ke bokgoni bo bo kgatlisang ka gore ga re yunibesiti e e nang le fakalthi ya bongaka, ga bua Ngaka Theuns Eloff.
Moporof. Kobus Pienaar gape le ene a ne a tlotla setlhopha sa babatlisisi ka go gatela botlhokwa jwa go bopa ditirisanommogo tsa ditšhabatšhaba le dithulaganyo jaaka go dirisana le ditlhopha tsa patlisiso jaaka HESS.
Ka mo kopanong khopi ya setifikeiti se se ka mo kgatlheng se se amogetsweng ke setlhopha se ne sa fiwa Ngaka Theuns Eloff le Moporof. Annette Combrink. Motshegare wa letsatsi leo babatlisisi ba ne ba fofela kwa Krakow kwa Poland go ya go tsena kopano ya setlhopha sa HESS. Kopano e e latelang ya HESS e tla tshwarelwa kwa Fora ka Mopitlwe wa 2008 mme ka Phatwe 2008 ka mo Aferika Borwa kapa kwa Namibia.
HESS e bopilwe ka go na le ditelesekopo tsa marang a gamma tse nne kwa Namibia tse mo dilemong tse di fetileng tsa lemosa metlholo ka ga marang a gamma go tswa mo loaping.
Khomišhene ya Yoropa e tlhophile diporojeke tse tharo tsa patlisiso ba ba tlileng go kgaoganya madi a kabelo a a kana ka di-Euro tse di meleone. Ka mo EU kabelo ya Descartes e bidiwa gantsi e le "Kabelo ya "Nobel Prize" ya ditlhopha tsa patlisiso tsa ditšhabatšhaba tsa saense.
Moporof. Annette Combrink, Moreketoro wa Khampase ya Potchefstroom, Moporof. Okkie de Jager, moeteledipele wa setlhopa sa babatlisisi, le Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa YBB.
<fn>NWU-NEWS. News93.2009-12-02.tn.txt</fn>
MAFIKENG - Setheo se sentshwa sa Kgwele ya maoto e ne e tlhometswe fela maloba kwa Khampaseng ya Mafikeng ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima ke Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa YBB le Sir Dave Richards, Modulasetulo wa Kgwele ya Maoto ya English Premier Soccer League le Motlhokomedi wa Setheo sa Kgwele ya Maoto sa Aferika Borwa.
Tlhomelo ya Setheo sa Kgwele ya Maoto se ne se amogetswe ke merafe ya Mafikeng ka boitumelo mmuso wa porofense. MEC ya Tlhabololo ya Loago, Moh. Ms Nikiwe Manqo o ne a tlotla Yunibesiti le ba English Premier League ka kabelo ya bone go tlhabolosa porofense.
Go tloga ka Tlhakole wa 2007 Setheo se na sa bulela mabati a sone go amogela baithuti ba ba 40. Baithuti ba ba tseiwang ka mo diporofenseng tse robedi mo go tse robongwe tsa Aferika Borwa ba ne ba tshwanetswe go arabela dikaelo le dikeriteria tsa tlwaelo mme ba ne ba tshwanetse go bontsha le bokgoni jo bogolo jwa kgwele ya maoto. Ba tla tsenelela porokerama e e tseneletseng ya tlhabololo ya metshameko mme ba kwadiseditswe le dikerii, dipoloma kapa thuto e e rileng ya yunibesiti. Setheo se se tshwana le ditheo tse dingwe tsa mo dikhampaseng tse dingwe tse Yunibesiti e setseng e di tsamaisa tsa metshameko e mengwe.
Ditshenyegelo tsa Setheo tsa ntlha di ile tsa diriwa ke madi a Yunibesiti mme tsa Lefapha la Thuto le English Premier League ka go feta mo South African Football Foundation (SAFF). Premier League e ntshitse kabelo ya £300,000 (e ka nna diranta di le R4,2m) go thusa go ema baithuti nokeng ka dithuto, madulo, dibuka le dijo.
Setheo se ile sa amogela thuso gape go tswa dikarolong tse di farologaneng tsa tsa mo Aferika Borwa le ka kwa moseja jaaka go tswa go FIFA, SAFA le Bišhopo Desmond Tutu.
Mafoko a ga Ngaka Theuns Eloff ka nako ya tlhomelo a re: Setheo se tla agela mo godimo ga bokgoni jwa YBB le maitemogelo a yone a go tlhabolosa metshameko ka maemo a a kwa godimo. Re ikaeletse go dirisa setheo se go godisa thuto e e tswelelang le tlhabololo ya merafe le go bopa senteramo ya bokgoni ya Aferika e e tla thusang go tlhabolosa kgwele ya maoto mo Aferika Borwa mme thata le mo borweng jwa Aferika.
"Ruri re amogela thuso ya SAFF le ya Premier Soccer League e e re thusitseng gore re kwadise baithuti ba ntlha ka 2007."
"Jaaka re le mo tselang ya Kgaisano ya Lefatshe ya 2010, matlho otlhe a lefatshe a lebeletse SA le kgwele ya maoto ka mo SA. Setheo sa Kgwele ya Maoto sa YBB e tla nna segopotso se se salang sa ruri sa kgaisano e kgolo e. Se na le bokgoni jwa go ka fetola maphelo a batsha ba bantsi ba Aferika Borwa ka go dirisa kgwele ya maoto mme se tla baya fatshe boleng jo bonsthwa mo dikarolong tse dintsi tsa kgwele ya maoto. SAFF le Premier League ba itumeletse tirisanommogo le go nna batsayakarolo ba ntlha ka mo tlhomelong ya setheo se," ga bua Sir Dave Richards.
<fn>NWU-NEWS. News94.2009-12-02.tn.txt</fn>
VANDERBIJLPARK. - Fela maloba ka mokete o montle kwa khampaseng ya Vaaldriehoek go ne go abelwa tlotlo go babatlisisi le badirimmogo ba ba ileng ba itlhaola 2006.
Kabelo e kgethegileng e ile ya fiwa moporof. Hans van Deventer (mampodi wa babatlisisi ba 2006) le ngaka Linda Theron(mampodi wa batlhatlheledi, KSIR, 2006) le moh. Daleen Gerber(mampodi wa batlhatlheledi, VERKA, 2005).
Tirokgolo ya moakatemi go ya ka moporof. Tinie Theron, Diini wa Fakalthi ya Vaaldriehoek, ke go ruta le go ithuta ka boleng mme se se tshwanetse go tshegediwa ke patlisiso e tswelelang.
Patlisiso e e gatisiwa ka mo dimakasining tse di kwadisitsweng mme se se botlhokwa mo baithuting le mo batlhatlheleding ba badirimmogo. Diathikele tse di kwadilweng ka mo Khampaseng ya Vaaldriehoek di ile tsa oketsega ka diporosente di le 50% ka palo go tloga ka 2004. Palo ya diathikele di ile tsa fitlha palo ya 32,96 ya diathikele ka 2006 fa go lekantshiwa le 12.5 ka 2003; 17.16 ka 2004 le 32.5 ka 2005. Se se dirang gore se e nne tiro ya botsweretshi gape ke gore diathikele tse di 33 ka 2006 di ntshitswe ke badirimmogo ba ba 19 fela.
Badirimmogo ba Fakalthi ya Vaaldriehoek ba ile ba itlhaola le ka Kabelo ya Setheo ya go Itlhaola ka go Ruta(KSIR) mme Ngaka Linda Theron (Sekolo sa Bosaense jwa Thuto) o nnile mampodi wa batlhatlheledi ka mo khampaseng.
Badirimmogo ba ile ba tlhotlhelediwa go tsenelela kgaisano ya KSIR le go tlhabolosa bokgoni jwa bone jwa go ruta le go arabela ditlhokego tsotlhe tsa mokgwa wa go ruta wa OBE. Batlhatlheledi ba ba ikwadiseditseng KSIR ba ile ba oketsega le bone ka palogare ya 50% le teng go tloga tlhomelo ya KSIR ka 2003. Ka 2006 go ne go ikwadisitse ba ba 6 go atlholwa ka mo KSIR.
"Badirimmogo ba akatemi ba tshwanetse go tlhotlhelediwa ke tiro ya botsweretshi le bomampodi jwa bone go thusa gore Fakalthi e gole ka maatla mme e nne e e balelwang ka mo akateming" ga bua moporof. Theron.
Go tloga mo molemeng ke moh. Daleen Gerber(mampodi wa batlhatlheledi, VERKA, 2005), moporof. Tinie Theron, Diini wa Fakalthi ya Vaaldriehoek le Ngaka Linda Theron(mampodi wa batlhatlheledi, KSIR, 2006). Moporof. Hans van Deventer, mmatlisisi wa mampodi wa 2006 a ne a seyo.
<fn>NWU-NEWS. News95.2009-12-02.tn.txt</fn>
VANDERBIJLPARK - Tona ya Thuto, Moh. Naledi Pandor a ne a le teng malobanyana go tla go bula semmuso palo ya dikago tse dintshwa tsa akatemi kwa Khampaseng ya Vaal Triangle ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima.
Tiragalo e ya hisitori ke, jaaka seane se bua fa se re ke tšheri ka mo godimo go fetsa kuku ka e ne e le go fetsa porojeke ya dimeleone di le R30 tsa go aga kwa khampaseng eo. Go godisa khampase e e ne e le tiro e kgolo e e neng e tshwanetswe go diragala ka lebaka la kopano ya diyunibesiti e e dirilweng ke Lefapha la Thuto e e simolotsweng ka 2003. Tiro e ya kopano ya diyunibesiti e ne ya fokotsa palo tsone go tswa go 36 go ya go 22 mme go ya ka Tona , tiro e ga ya fetola fela lebala la thutogodimo mo Aferika-Borwa mme e fetotse gape gore re balelwe le mo ditšhabatšhabeng.
Go ya ka Tona diyunibesiti tsa mo Aferika-Borwa ga di na botlhokwa fela ka mo ga rona mme di na le bone gape ka mo kontinenteng ya Aferika ka bophara mme gape mafatshe otlhe a SADEC (South African Development Community) a ka bona mosola ka kitso le popontshwa ya mo Aferika-Borwa.
Tiro ya kopano ya diyunibesiti e ne ya tlela khampase ya Vaal Triangle ka kgwetlho e kgolo ka gore go ne go tshwanetswe go baakanyetsa dithulaganyetso tsa go tsenyeletsa le go fudugisetsa badirimmogo le baithuti ba kwa Vista le Sebokeng ka mo Khampaseng ya Vaal Triangle ya yunibesiti ya pele ya Yunibesiti ya Potchefstroom ya Thuto-Godimo Sekeresete.
Ka dikago le dithulaganyetso tsa Khampase ya Sebokeng di ne di se karolo ya kopano ya diyunibesiti jaaka kwa dikopanong tse dingwe, Lefapha la Thuto le ile la duela ditshenyegelo tsa go aga dikago tse dintshwa le go tokofatsa dithulaganyetso tsa mo khampaseng.
Ka puo ya Tona ka nako ya pulo ya semmuso o ne a boka Yunibesiti ya Bokone-Bophirima ka tswelelopele e e dirilweng ka kopano mme a re gape gore ruri Setheo se setse se tseile dikgato go ka netefatsa toro ya go ka nna Setheo se se fetogileng ruri.
Tona ya Thuto, Moh.
The Minister of Education, Me Naledi Pandor o bula polaka semmuso.
Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa YBB, Moh. Naledi Pandor, Tona ya Thuto le Moporof. Piet Prinsloo, Moreketoro wa Khampase ya Vaal Triangle.
<fn>NWU-NEWS. News96.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela maloba e ne e le mong-gae wa ntlha wa Sakai Programmers Cafe ka mo Aferika-Borwa. Sakai ke thulaganyo ya khomputara e e bulegileng go tsamaisa dithuto le dikhoso ka mo tikologong ya dithuto tsa mo diyunibesiting kapa thulaganyo ya "eLearning" jaaka e itsiwa ka gale mo Aferika-Borwa.
Tlhomelo ya Sakai ka mo YBB e bidiwa eFundi. Re tseile kgato ya go tlolela kwa go eFundi nako e kana ka ngwaga le go gogela morago thulaganyo e re neng re ipopetse yona ya Varsite LMS ka mafelo a 2008.
"Re ne re tlotlegile ruri go na le baagi ba Sakai ba bararo ba bagolo ka mo ga rona" ga bua Mor. Boeta Pretorius, Motsamaisi wa Setheo: Karolo ya Tiro le Patlisiso ya IT. Ba babedi ba baagi ba e leng barena Antranig Basman le Aaron Zeckoski ba tswa kwa Cambridge University kwa United Kingdom mme wa boraro ke mor. Tony Atkins, go tswa kwa Scotland.
Mor Pretorius o dumela gore se se ka thusa Yunibesiti go tlisa tiro ya kemo nokeng e e tokafetseng ka mo morafeng wa baithuti o o golang ka bonako wa eLearning wa mo YBB mme ba ka bona katlego go fudugisa dikhoso di le 350 le baithuti ba teng go tswa mo Varsite go ya kwa eFundi ka mo teng ga dikgwedi tse 18 tse di tlang.
"Beke e ne e le ya khumo go ba ba 22 ba ba neng ba tsene kopano go tswa go diyunibesiti le dikholetšhe tse nne le batsayakarolo ba babedi ba kgwebo. Ba ne ba dira thata malatsi a matlhano a a tletseng me ba tswa ba lapile thata mme ba itumetse ka ba ithutile thata," ga bua Mor. Pretorius.
Fela dikgwedi tse di fetileng barena Tony Atkins le Aaron Zeckoski ba ne ba direla kwa Virginia Tech kwa USA, kwa moithuti a ileng a tlhakana tlhogo mme a thunya palo ya baithuti ba bangwe.
Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela maloba e ne e le mong-gae wa ntlha wa Sakai Programmers Cafe ka mo Aferika-Borwa. Sakai ke thulaganyo ya khomputara e e bulegileng go tsamaisa dithuto le dikhoso ka mo tikologong ya dithuto tsa mo diyunibesiting kapa thulaganyo ya "eLearning" jaaka e itsiwa ka gale mo Aferika-Borwa.
<fn>NWU-NEWS. News97.2009-12-02.tn.txt</fn>
VANDERBIJLPARK. - Molao wa Thuto o ne o le tlhogo ya dipuisano ka leeto la moakatemi wa tlotlo go tswa kwa Amerika, Moporof. Charles Russo, ka mo khampaseng ya Vaal Triangle ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) Motlhatlheledi yo wa moeng o tswa kwa Yunibesiting ya Dayton kwa Ohio mme o tshwere dikerii ya tlotlo ya bongaka ya mo YBB.
Molao wa Thuto o le serutwa o ile wa gola ka boleng ka mo khampaseng ya Vaal Triangle mme se amogelwa ke ditšhabatšhaba go fitlhela kwa dithutong tsa PhD. Go ya ka Ngaka Elda de Waal, motlhatlheledimogolo ka mo Sekolong sa Bosaense jwa Thuto botlhokwa jwa Molao wa Thuto e tshwanetswe go bonwa botlhokwa go feta. "Dithulaganyo le dipholisi tse di laolang thulaganyo ya thuto di botlhokwa thata. Procedures and policies regulating the educational system are of the utmost importance, bogolo-segolo ka mo lebaleng la thulaganyo ya thuto ka mo Aferika-Borwa" ga bua Ngaka De Waal.
Mosola wa leeto la ga Moporof. Russo ka kwa Khampaseng ya Vaal Triangle le ne le le go kaela baithuti ba PhD tsela ka mo Sekolong sa Bosaense jwa Thuto.
Ka ene a le Modulasetulo wa Joseph Panzer ka mo Thutong ka mo Sekolong sa Thuto le Maithutelo a a Amanang mo Yunibesiting ya Dayton mme a le motlatsa-moporofesara ka mo Sekolong sa Molao, Moporofesara Russo o bonwa ka mo ditšhabatšhabeng e le moitsegotlhe le senatla ka mo Molaong wa Thuto. Go fitlha jaanong Moporofesara Russo o kwadile diathikele tse di fetang 150 ka mo dijenaleng tse di atlholwang ke balekane mme o kwadile kapa o thusitse go kwala kapa o nnile motseleganyi wa dibuka tse di fetang 20. Ka a le karolo ya Ofisi ya Ombudsman ka mabaka a ditshwanelo tsa batho le kgololesego ya bodumedi, Moporof. Russo o setse a tsamaile maeto a mantsi go ya kwa Sarajevo, Bosnia le Herzegovina.
Ba ba neng ba etile le Moporof. Russo ka leeto ka mo nokeng ya Vaal go tswa mo molemeng ke Moh. Elize Küng, moithuti wa PhD, Ngaka Elda de Waal, motlhatlheledimogolo ka mo Sekolong sa Bosaense jwa Thuto, Khampase ya Vaal Triangle, Moporof. Charles Russo le mogatsa Debbie, gammogo le moh. Erika Serfontein, moithuti wa PhD.
<fn>NWU-NEWS. News98.2009-12-02.tn.txt</fn>
POTCHEFSTROOM - Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela maloba e amogetse basari go tswa go DALRO(Dramatic, Artistic and Literary Rights Organisation) e e kana ka R25 000 ka kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke Tirelo ya Setheo ya Molao ya YBB.
Mor Gerard Robinson, Mokaedi Khudutamaga wa DALRO, o ne a fana ka tšheke go Moporof. Annette Combrink Moreketoro wa khampase ya Potchefstroom ya YBB go tweletsa dithuto tsa thuo ya motho ya tlhaloganyo mo Yunibesiting.
"Moporof. Annette Combrink o rile: "Jaaka Yunibesiti e direla mo itasetering ya tshedimosetso e dumela boikarabelo jwa yona go sireletsa thuo ya motho ya tlhaloganyo le go tshegetsa tirisanommogo le dilekane tse di tshwanang le DALRO".
DALRO e ikaelela go tshegetsa le go tsamaisa le go sireletsa bakwadi le bagatisi tshwanelo ya go ka gatisa dibuka le dimakasini tse di gatisiwang le tse di leng teng ka mo Borwa jwa Aferika le mo Inthanete. Go gatisa gape le go dira dikhopi ka mo dikerafong jaaka ka dikhopi tsa difotosetata, difakese le go gatisa go tswa ka mo inthaneteng.
Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela maloba e amogetse basari go tswa go DALRO. Go tswa ka mo molemeng ke Moporof. Chris van der Walt, Mokwaledi wa Setheo wa YBB, Mor. Frans Kruger, Mokaedi wa Setheo: Tirelo ya Semolao, Mor Gerard Robinson, Mokaedi wa Tsamaiso: DALRO, Moporof Francois Venter, Diini: Fakalthi ya molao, khampase ya Potchefstroom, le Mor Herman Blignaut, mmueledi wa go tswa Spoor & Fischer.
<fn>NWU-NEWS. News99.2009-12-02.tn.txt</fn>
VANDERBIJLPARK - Mor André Mellet, motlhatlheledi wa ekonomi wa kwa khampaseng ya Vaaldriehoek ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima o supilwe fela maloba e le Moekonomi wa Ngwaga ka go amogela kabelo e e tlotlegang ya go fenya kgaisano ya Moekonomi wa Absa/Beeld wa Ngwaga.
Dié prestige benoeming is op Dinsdag, 8 Mei 2007, tydens glansgeleentheid in Kyalami gemaak toe mnr Mellet koning gekraai het met sy voorspellings oor die ekonomie?
Se se dirang gore se e nne tiro ya botsweretshi go feta ke gore ke ene moakatemi wa ntlha wa go fenya kgaisano e le gore, ene, go ya ka baatlhodi, o fentse kgasano ka palo e kgolo ya maduo magareng a ene le moekonomi yo o boneng lefelo la bobedi.
Go ya ka diponagalo tsa kgaisano mor. Mellet o ne a nepile dikarabo tse tlhano mo go tse lesome tse di ka fetogang mo dikakanyong tsa palo ya ditsalo tse ba neng ba tshwanetse go di bonela pele mme tsa gagwe tsa nna tse di nepagetseng go feta. Ene o setse a dirisane mmog le kgaisano go tloga ka 2003 mme monongwaga o fenste baekonomi ba ba 30 ba ba tlhophilweng ka diatla.
Kwa ntle ga go bona sekgele sa go nna Moekonomi wa mampodi wa 2006 mor. Mellet o bone gape bone kabelo ya sekgele sa R100 000.
Mor. Mellet ke molokolodi wa ditšhelete yo o tlotliwang mme o setse a kwadile diathikele tse di rileng kwa Financial Planners Institute (FPI).
Ka a le moakatemi o setse a bontshitse dikhoso tse di mmalwa tsa disetifikeiti mme ene ke sebui se se itsiweng ka ga mabaka a ekonomi. Dikgatlhego tsa gagwe ke ekonomi ya monetari le ekonomi ya makro le mabaka a melao. O bone dikerii ya gagwe ka ekonomi ya monetari.
Mor Mellet o bona sekgele se a se amogesteng e le tlotlo e kgolo thata mme ke kapeso e kgolo mo bophelong jwa tiro jwa gagwe. O setse a na le dilemo di le lesome nngwe a direla ka mo khampaseng ya kwa Vaaldriehoek.
Mor. André Mellet o ntshitse sehuba ka sekgele se a se amogetseng ka a bonwe a le Moekonomi wa Ngwaga.
<fn>NWU. LanguagePolicy.2007-11.tn.txt</fn>
Yunibesithi ya Bokone-Bophirima e amogetse Pholisi e ya Setheo ya Puo ka 16 Mopitlwe 2007 ka gonne e le Yunibesithi e e baakanyetsang dilo kwa pele mo Aforika. E kgweediwa ke go nyorelwa kitso le go nna le boitshomololedi, go nna le mekgwatlwaelo e e tshwanang e le nosi e e theetsweng mo dingwaong tse di tshegetsang Yunibesithi.
Ka nako ya kopano ya yona e e neng e tshwerwe ka Mopitlo 2005, Senate sa Setheo se laetse go tlhomiwa ga Setlhopha se se rweleng boikarabelo jwa Merero ya Puo ya Senate, ka baemedi go tswa mo makaleng a farologaneng a ditiro tsa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima, (NWU). Setlhopha se se rweleng boikarabelo se abetswe dithata tsa go tlhama leano la merero ya puo ya setheo go tsamaelana le Leano la Bosetshaba la Merero ya puo ya Thuto ya Maemo a a kwa Godimo mmogo le Molaotheo wa NWU, go rerisana le ditlhopha tse di nang le kgatlhego le go isa sekwalwa seo go amogelwa ke Senate, go ya ka mabaka a Karolwana ya bo 27 (2) ya Molao wa Thuto ya Maemo a a kwa Godimo.
Go thusa go kgontsha tiro e, ya go tshikhinya pholisi ya merero ya puo ya setheo, e e (i) utlwisisegang le go ka dirisiwa ka mekgwa e e farologaneng le go diragadiwa, (ii) e e tla baakanyang go se lekalekane ga dipuo mo nakong e e fetileng, (iii) e e dumelelang go diragadiwa ga ditemeteme mme gape le (iv) go rotloetsa go fitlhelelwa, go tshwaraganngwa le maikutlo a go nna beng ba yona, ga jaana e bewa mo tafoleng.
Tiriso ya ditemeteme tse di diragadiwang e tlhalosa gore go itlhophela puo e e rileng go ya ka maemo a a rileng jaaka a tlhalosiwa ka bokao jwa diteng bo a dirisiwang ka ona, le gore mabaka a a farologaneng a a tshwanang le maikaelelo a tlhaeletsano le magato a bokgoni jwa puo ya banni le seabe ba sweetsang go itlhophela khoutu ya puo kgotsa dikhoutu tsa puo.
Se se tlhalosa gore ga se dipuo tsotlhe tsa semmuso tse di tlhokang go dirisiwa mo mabakeng a ditlhaeletsano mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima (NWU) fela legale go tshwanetse ga supiwa go elatlhoko maikutlo a dipuo tsa kgaolo tse di dirisiwang mo diporofenseng tse ditsha tsa setheo di tlhomilweng mo go tsona.
Ditemeteme di tlhalosa go dirisiwa ga dipuo di feta e le nngwe, mmogo le bokgoni jwa go dirisa dipuo di feta e le nngwe.
NWU e bona maitlamo jwa yona mo go intšhwafatseng mo bonneteng jwa go nna setheo sa dipuontsi jaaka karolo ya maiteko a yona a go ikakanya sešwa, go ipaya mo maemong a mašwa le go itshekatsheka go ya ka go kgona ga yona mo pakeng e ntšhwa e. Maitlamo a yona mo go diriseng ka tota bopuontsi mo magatong a a farologaneng e tshwanetswe go bonwa jaaka kabelo mo tlhabololong ya seloago, setso le ikonomi ya setšhaba sa MaAforika Borwa. Maitlamo a, a tshwanetse gape go abelana ka tsela e e ka lekanyediwang mo "tlhabololong ya setšhaba se se ithutang se se ka tsenyang botshelo, sa kaela le go kokoanya maatla a go aga boitlhamedi le matlhale a MaAforika Borwa gore ba tle ba kgone go fitlhelela dikgwetlho tsa kagosešwa le tlhabololo".
NWU e amogela bonnete jwa setšhaba sa bopuontsi le tikologo ya yunibesithi ya bopuontsi. Mo pheletsong molebo wa tsamaiso ya puo ya Setheo o na le phatlha ya ditogamaano tse di farologaneng gammogo le dimmotlolo tsa teng gore bopuontsi bo diragatswe mo bokaong jo bo tlhalositsweng thata jwa bopuontsi.
Molebo wa puo wa mo NWU ka bophara o kaya (i) gore bonnete jwa dipuo mo khampaseng tse di farologaneng bo tswelele go elwa tlhoko, (ii) go bontshiwa bosisi mo ditlhokegong tsa go itlhophela puo le mo ditsholofelong tsa batho le ditlhopha ka nosi tse di nang le kgatlhego mo setheong, (iii) gore pholisi ya puo le lenaneo la yona di lepalepanngwe le dikopo tsa tikologokgolo e setheo se dirang mo go yona, (iv) gore dipuo tsa kgaolo tse di dirisiwang mo dikhampaseng tsa NWU e bong (SeAfrikaanse, Setswana, Sesotho le Seesimane di tsewa jaaka letlotlo la bosetšhaba, le gore go dirwe kabelo e e ka lekanngwang mo go diriseng dipuo tse jaaka dipuo tsa thuto e kgolwane.
Seesimane, Setswana, Sesotho le SeAfrikaanse di dirisiwa jaaka dipuo tse di dirang go ya ka selekanyetso sa ditheo sa bopuontsi jo bo dirang e bile setheo se, se tsaya seo jaaka karolo ya sona ya tiro ya go nna le seabe mo tseleng e e rulaganeng e bile e ka lekanyediwa mo go tsweletseng dipuo tse jaaka dipuo tsa thuto e kgolwane.
Go ya ka mabaka a pholisi ya puo ya setheo, thulagano e e tswelelang ya ditherisano e a latelwa mo ditheong tsa pholisi ya puo le dipolelo tsa teng di diragadiwang mo mabakeng a a dirisegang go ya ka lenaneo la puo la setheo. Leanothulaganyo le la puo le diragadiwang le go tsamaisiwa ka mokgwa o o farologaneng mo magatong a a farologaneng mo setheong.
Pholisi ya puo ya setheo le leanothulaganyo a tshwaragantswe ka bobedi mo Leanothulaganyong la Setheo la NWU, e bile a fetolwa ka tshwanelo mo kgaotsong tsa ngwaga tse tharo. Jaaka go rebotse ba PanSALB, phetolo tse di theetswe mo tshekatshekong ya maemo le mo thulaganyong e e lepalepantsweng e tlhamaletse ya kwa ntle le ya ka fa gare mo setheong.
Bokaedi jwa Setheo jwa Puo ke mokgatlho wa setheo o o gokaganyang, o o letlang NWU go tsamaisa botsamasi jwa puo ka tsela e e nang le dikgato, e rulagane e bile e ka tsweletsega.
Kakanyo ya pholisi ya puo ya go ruta ya NWU ke go oketsa phitlhelelo le katlego mo dithutong. Theo e, e tlhomamisa tsela e yunibesithi e diragatsang bopuontdsi jo bo ka dirang mo maemong a go ruta le go ithuta gore e tle e kgone go tlamelana ka kutlwalo e e utlwisisegang tota ya theo ya tshwaragano le go farologana.
Pholisi ya puo e go rutiwang ka yona ya NWU e tsweletse go elatlhoko maemo a setshaba le ka fa se itlhophelang puo ka teng go ya ka khamphase e e rileng go tsamaelana le maemo a ditshwanelo tsa puo ya batho botlhe ba ba amegang a tlotliwang ka teng.
bokgoni jwa mafaratlhatlha a dikhamphase tse di farologaneng.
Sengesemane le SeAfrikaanse ke dipuo tsa motheo tse di dirisiwang go ruta mo NWU mme ka dikgato tsa dipatlisiso tse di tsweletseng go sweditswe gore ke tshwaelo efe e e ka dirwang go tlhabolola dipuo tsa Bantsho tsa kgaolo go nna dipuo tse go rutiwang ka tsona mo thutong ya maemo a a kwa godimo.
Ditshwantsho tsa puo tse di farologaneng tsa go ruta di dirisiwa kwa dikhamphaseng tse di farologaneng go kgontsha go tsholetsa le go rotloetsa go fitlhelela thuto ya maemo a a kwa godimo, mo gare ga tse dingwe, go ruta ka puo e le nngwe, go ruta ka dipuo tse di lepalepaneng le go ruta ka dipuo di le pedi, mmogo le ditirelo tsa go ranola mo phaposiborutelong. Go atolosiwa ga tirelo e mo mananeong a le mmalwa a go ruta go diragadiwa go ya ka maemo le mekgwa e e dumallanweng.
Bokaedi jwa Puo, ka tirisano le botsamaisi jwa dikhamphase tse di farologaneng, bo dira e le lefelo la go tlisa le go golola dipegelo le botsereganyi fa go nyenyefadiwa ditshwanelo tsa puo.
Go sala go le mo magetleng a boikarabelo jwa botsamaisi jwa dikhamphase tse di farologaneng go tswelela go fetolela maitlhomo a pholisi ya puo e go rutiwang ka yona go nna selekanyetsi le maano a a kgonegang a puo mo khamphaseng, le go tlhokomela ditherisano le go a diragatsa.
NWU e aba dikuno tsa dipatlisiso tsa maemo a boleng jo bo kwa godimo tse di buisiwang le go dirisiwa boditshabatshaba; ka go rialo babatlisisi ba rotloediwa go phasalatsa dipholo tsa dipatlisiso tsa bona ka puo e e ka fitlhelelwang ke semphato sa baithuti botlhe.
Go itlhophela puo e di phasaladiwang ka yona go mo magetleng a mmatlisisi, fa merero e mengwe e e tshwanang le maikaelelo a pegelo ya diphatlisiso, ba ba tla e buisang, mmogo le bokgoni jwa puo jwa bao ba solofetsweng go e buisa go etswetlhoko fa go tla mo puong e e itlhophetsweng.
NWU e sala e amega mo dipatlisisong le go bona ditharabololo tse di mosola mo ditshwaelong tsa bosetshaba mabapi le go fetola ditemeteme go nna borutegi jwa ditlhalefi[1].
Puo e e itlhophelwang dipholo tsa dipatlisiso e sala mo magetleng a mmatlisisi ka nosi mme tshweetso e tsewa le go diragadiwa ka ditherisano le mokaedi wa lefapha le le tshwanetseng le le le ikaeletsweng.
Bokaedi jwa Puo bo nna bo amega mo dikgatong tsa dipatlisiso mo go se se eletsegang le go kgonega ga ditemeteme tsa borutegi jwa ditlhalefi e bile go tswelelwa go golola pegelo ya dipholo tsa dipatlisiso tse, go Botsamaisi jwa Setheo e le karolo ya lenaane la ditumellano tsa mokgwa wa go dira.
Pharologano ya puo ya baithuti kwa dikhamphaseng tse di farologaneng tsa NWU e tsewa e le boswa jwa setheo mme e tshwaela mo go tlhomeng maemo a a akaretsang le go dumelela botlhe mo maemong a botshelo jwa baithuti.
Pholisi ya puo ya botshelo jo bo rulagantsweng ka botlalo jwa baithuti e dira ditshiamelo ka tsela e e latelang: mo maemong a botshelo jwa go dirisa ditemeteme, pholisi ya puo e dira tshiamelo ya go sireletsa ditshwanelo tsa puo ya baithuti mme gape e tlhokomela gore ditlhaeletsano le bathati le baithuti mmogo mo dikhamphaseng tse di farologaneng di tsaya tsia sebopego sa ditlhopha tsa puo ya baithuti le puo e batho ba ba amegang ba e itlhophelang.
NWU e tshwaela, mo dikgatong tse di farologaneng tsa go dira ga yona, ka mokgwa o o rulagantsweng le o o lekanyediwang mo go tokafatseng maemo a bokgoni jwa thutego le ditemeteme tsa badiredi le baithuti, ka go rialo e ba kgontsha go dira ka manontlhotlho go tsamaelana le diteng tse di farologaneng.
Go dirilwe ditshiamelo kwa dikhamphaseng tsotlhe tsa NWU go elatlhoko le go tokafatsa bokgoni jwa go ithutela puo.
Botsamaisi jwa puo kwa diphaposiborutelong bo diragadiwa ka mokgwa wa setshwantsho sa botsamaisi jwa puo go elatlhoko maemo a boleng jo bo kwa godimo jwa go dirisa puo ya borutegi ga badiredi le baithuti ka tsela e e gaisang ka fa go kgonagalang ka teng.
Bonnete jwa pharologano tsa puo mo dikgatong tse di farologaneng tsa go dira tsa setheo mmogo le go supa go elatlhoko maikutlo mo go itlhopheleng puo ga ditlhopha tse di nang le kgatlhego ka fa teng le kwa ntle ga setheo go laetswe ke maikano a dipuo tse di dirisiwang mo mererong ya tiro le dipuo tsa botsamaisi mo NWU, mmogo le maikano a go itlhophela puo ya ditlhaeletsano tsa ka fa teng le kwa ntle ga setheo.
Maikano a go itlhophela puo ya ditlhaeletsano tsa ka fa teng le tsa kwa ntle ka mokgwa o o tsweletseng go dirwa go tsewa tsia mabaka a a latelang: maemo/diteng tsa ditlhaeletsano, maikaelelo a ditlhaeletsano, ditlhokego tsa puo le magato a bokgoni jwa puo ya ba ba tlhaeletsanang.
Go diragadiwa ga tiriso ya ditemeteme mo mabakeng a tiro le a botsamaisi go diragala ka mokgwa o o rulagantsweng le o o nang le maikaelelo a maungo. Ka mokgwa wa ditherisano, go loga maano go a rotloediwa mme go tlhomilwe didirisiwa ka mokgwa o o tsweletseng go kgontsha go diragadiwa ga ditemeteme ka botlalo mo lefelong la tiro la NWU ka fa go kgonagalang ka teng, go etswetlhoko ditshwanelo tsa puo tsa batho ba ba nang le kgatlhego.
Sekwalwa se se rulagantswe ke Setlhopha sa Badiredi ba Senate sa Puo sa Setheo, Moranang 2006. Finally edited in February 2007.
Original details: HSCAVDM h:\2. governance and management\2p policy\beleide\t-language policy.
<fn>PAIA MANUAL - FBDM Setswana.txt</fn>
Molao wa Tlhatlhoso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso, Molao wa 2 wa 2000 (o kailweng fano e el "PAIA", kgotsa "Molao" ka go fetoga) ke molao wa bosetjhaba o neelang ka dithata tsa go bona tshedimosetso go latela molaotheo. PAIA e dirileng lantlha ka 9 Tlhakubele 2001, ntle le Karolo ya 10, 14, 15 le 51, tse di dirileng lantlha ka 15 Tlhakole 2002.
Karlolo ya 14 ya Molao e tlama ditlamo tsa setjhaba go rulaganya Bukana e tlang go thusa batho go fithlella tshedimosetso e mo polokelong ya setlamo sa setjhaba mme e tlhalosa le gore e tshwanetse go fitlhella boemo bofe.
Maitlhomo le maikaelelo a Bukana eno ke go nna kaedi tebang le ka fao setjhaba se ka fitlhelelang tshedimosetso e tshotsweng ke Masepala wa Karolo ya Frances Baard (FBDM) go latela Karolo ya 14 ya Molao.
Karolo ya 10 ya PAIA e tlama Khomisene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Afrika Borwa go rulaganya bukana e bonolo malebana le tiriso ya Molao wa Tlhatloso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso.
Kgatiso ya electroniki ya Bukana eno e tla bolokwa mo websaeteng ya Khomisene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Afrika Borwa, www.sahrc.org.za mme e ntjhafatswa kgwedi nngwe le nngwe gore setjhaba se dule se mo dinakong ka ditiragalo tsa seshweng le diphetogo tebang le dintlha tsa kgolagano tsa batlhankedi ba tshedimosetso ba ditlamo tsa setjhaba le tshedimosetso ka kakaretso malebana le PAIA.
mafelo ao go lattlhelwang leswe go one mo masepaleng wa setereke ii ditsela tsa masepala tseo e leng karolo ya dithulaganyo tsa ditsela tse di mo sebakeng sa masepala wa setereke iii taolo ya ditirelo tsa dipalangwang tsa badirisi ba dipalangwang boemelafofane ba masepala jo bo direlang masepala wa setereke ditirelo tsa twantsho ya melelo tse di direlang masepala wa setereke vi tlamela le go laola dimaraka tsa dijo le mafelo a botlhabelo jwa diphologolo a direlang karolo e kgolo ya bomasepala ba bal eng mo seterekeng vii tlamela le go laola mabitla le mafelo a go fisetsa diripa a mo karolong e kgolo ya masepala wa setereke viii tlhatlhoso ya Bojanala jwa selegae mo mafelong a masepala wa setereke ix ditirelo tsa setjhaba tsa masepala tse di amanang le ditiro tse di kailweng fa godimo kgotsa ditirelo dinngwe tse e leng tsa masepala wa setereke.
Molao wa Ditheo tsa Masepala o neelana ka tetla ya go rulaganya Komiti ya Ratoropo le Dikomiti-potlana. Ditokololo tsa Komiti ya Ratoropo ke baduladitulo ba dikomiti tse di farologaneng.
Mr. P.N Jammer (Tlhabololo ya Mafaratlhatlha)
Mr. B Maribe (Tlhabololo ya Moruo)
Motlhankedi wa Tshedimosetso: Mr. Thabo Nosi
Tshedimosetso e latelang e ka bonwa ntle le go dira kopo go latela Molao. Fa Dikhopi di lekane, direkoto di ka bonwa mahala mme fa di fedile tuelo ya go di gatisa e ka duwelwa. Tse ding tsa direkoto di ka fitlhellwa mahala mo websaeteng ya FBDM ya www.francesbaard.org.
Phitlhello ya rekoto eo e sa ganelwe ka ntlha ya ya mabaka ape fela a go gana a a kailweng mo Karolong ya 4 ya Molao.
Mokopi o tshwanetse go dirisa foromo e gatisitsweng mo Kaseteng ya Puso [Kitsiso ya Puso ya R187 ya 15 Tlhakole 2002, Foromo ya A] le mo websaeteng ya Masepala wa Karolo www.francesbaard.org.
Mokopi o tshwanetse go tlhalosa gore a o batla khopi ya rekoto, gongwe o eletsa go tla go lebelela rekoto kwa dikantorong tsa setheo sa setjhaba.
Fa motho a kopa rekoto ka sebopego se se rileng, mokopi o tshwanetse go bona phitlhelelo ka sebopego seo. Seno se dirwa fa fela e le gore go dira jalo ga go kitla go kgorelatsana le tsamaiso ya setheo sa setjhaba se se amegang, gongwe go senya rekoto, gongwe go gataka tetlokhopi e e sa tsholwang ke puso. Fa e el gore ga go kgonagale gore phitlhelelo e rebolwe ka sebopego se se kopilweng, mme e ka rebolwa ka sebopego se sengwe, go tshwanetse ga balelwa tefiso go ya ka sebopego se mokopi a se kopileng kwa tshimologong. s 293 le 4.
Fa mokopi a sa kgone go buisa kgotsa go kwala, gongwe a sa itekanela mo mmeleng, kopo e ka diriwa ka molomo.
Mokopi yo o dirang kopo ya phitlhelelo ya rekoto e e nang le tshedimosetso ya gagwe ya sebele ga a tlhoke go duela tuelo ya kopo.
Motlhankedi wa Tshedimosetso o tshwanetse go itsise mokopi (ntle le fa e le mokopi wa sebele) ka kitsiso, gore o tshwanetse go duela tuelo ya kopo e e rebotsweng (fa e le teng) pele ga go tswelelwa ka kopo.
Mokopi o tshwanetse go duela tuelo ya kopo ya bokana ka R35 malebana le ditheo tsa setjhaba. Mokopi a ka dira boikuelo jwa fag are, fa go le maleba, gongwe a dira kopo ya kgotlatshekelo kgatlhanong le tshenkelo kgotsa tuelo.
Morago ga gore Motlhankedi wa Tshedimosetso a tseye tshweetso malebana le kopo, mokopi o tshwanetse go itsisiwe ka tshweetso eo ka tsela e mokopi a batlileng go itsisiwe ka yona.
Fa kopo e rebotswe, gona go tshwanetswe go duelwa tuelo e nngwe ya go tlhagisa gape le ya go batla le go baakanya, mo nakong nngwe le nngwe e e tlhokegang e e fetang diura tse di beilweng tsa go batla le go baakanya rekoto e e tshwanetsweng go senolwa.
Dikomit-potlana di kopana kgwedi le kgwedi go rala ditshisinyo tse di lebisiwang go Komiti ya Ratoropo, e e le yone e kopanang ka kgwedi go anegela Lekgotla ditshisinyo. Mokgwa o o matlafatsa dipuisano mo dintlheng tsotlhe.
Boikarabelo jwa Motsamaisi wa Masepala ke aga tsamaiso e tlhabologileng, e maleba e nang le boikarabelo go latela Molao wa 32, 2000 wa Dithulaganyo tsa Masepala le melawana e mengwe e amang Masepala. Ofisi ya Motsamaisi e akaretsa Thuno ya fa Gare, Ditlhaeletsano le Ditirelo tsa Dikomiti.
Fa motho a eletsa go fitlhelela tshedimosetso e e mo FBDM, motho ono o tshwanetse go dirisa foromo e siametseng kopo eno go ka fitlhelela tshedimosetso eno. Formo eno e kabonwa mo websaeteng ya FBDM www.francesbaard.org.za, kgotsa a ka e kopa go tswa go Motsamaisi wa Masepala ka Mogala: 053 - 838 0996.
Mr. Thabo Nosi
Motlhankedi wa Tshedimosetso o amogela kopo mme a e sekaseke go ka netefatsa fa tshedimosetso e kopiwang e le teng mo FBDM. Kopo e a amogelwa, e ganwe kgotsa e fetisetswe moo tshedimosetso e bolokilweng teng. Lekwalo le le netefatsang go amogelwa ga kopo le romelwa go mokopi go ka netefatsa boemo jwa kopo ya gage.
Fa kopo e amogetswe, FBDM e tla rulaganya le go baakanya tshedimoetso eno le go kopanya ditshenyegelo. Ditshenyegelo di balwa go latela serapana sa 9.2.
Mokopi o tla itsisiwe ka go feletswa ga kopo ya gage le dituelo tse a tshwanetseng go di duela FBDM.
Gangwe fela fa tuelo e kailweng mo Kgatong ya 4 e duetswe (go latela mokgwa wa tuelo o kailweng mo Kgatong ya 1), tshedimosetso e neelwa mokopi.
Aterese ya Poso le Fax ya mokopi.
FBDM e tla rulaganya kopo mo malatsing a le 30, ntle le fa mokopi a neelane ka mabaka a mangwe a ka kgotsofatsang Motlhankedi wa Tshedimosetso gore go se ikamagangwe le nako fa godimo. FBDM e ka feta nako ya malatsi a 30 fa e le gore mabaka a pateletsa seo, jaaka bontsi jwa tshedimosetso, mme fela nako e ka se okediwe ka malatsi a fetang a 30. Ga go tlhokagala katoloso ya nako FBDM e tla itsise mokopi ka lekwalo.
Fa mokopi a dira kopo mo boemong jwa motho yo mongwe, o tshwanetse go tlhagisa seemo se mokopi a dirang kopo ka sona. Fa mokopi a sa kgone go buisa kgotsa go kwala, gongwe a sa itekanela mo mmeleng, kopo e ka diriwa ka molomo. Mokopi o tla duela tuelo e kailweng pele go ka tswelelwa pele ka paakanyo ya kopo ya gagwe.
Molao o dumella mehuta e mebedi ya tuelo a andTuelo ya kopo e lekanang, le b . Tuelo ya phitlhelelo, e tshwanetseng go ka akaretsa le ditshenyegelo tsa go baakanya, go batla le go tlhagisa gape, nako le ditshenyegelo tsa poso.
Fa kopo e amogelwa ke Motlhankedi wa Tshedimosetso, Motlhankedi ono o tla itsise mokopi le fa e se mokopi wa sebele, go duela tuelo e dumeletsweng (fa e le teng) pele a ka rulaganya kopo. Fa e le gore go batla direkoto tseno go feditswe, go akaretsa le dipaakanyo tsa gore e fitlhellwe ka mokgwa oo e kopilweng ka one, go tlhoka nako ya diura tse di fetang tse di dumelletsweng, Motlhankedi o tla itsise mokopi gore a duele karolo nngwe ya tuelo ya phitlhelelo e tshwanetseng go duelwa fa kopo e amogelwa.
Fa e le gore bontlha bongwe jwa tuelo ya kop obo setse bo duetswe malebana le kopo e ganediwang, Motlhankedi wa Tshedimosetso o amegang o tshwanetse go duela mokopi tuelo ya gawe.
Tuelo ya nnete ya go posa e duelwa fa go tlhokega gore khopi ya rekoto e posediwe mokopi.
sephiri sa kgwebo ya monngwe ono party;tshedimosetso malebana le matlotlo, kgwebo, kico ya saense kgotsa tshedimosetso eo tshenolo ya yone e ka gobatsang dikgatlegelo tsa kgwebo gonnwe tsa matlotlo a monngwe ono.
Tshedimosetso e rebotsweng ka botshepegi ke monggwe yo o sa amegeng mo kopong eno go FBDM, fa tshenolo eno e ka baya boemo jwa monngwe ono mo kotsing malebana le dipuisano tsa kgwebo.
Tshireletsego ya direkoto tse di sa senolelweng botlhe go latela tsamaiso ya molao.
Tshedimosetso malebana le matlotlo, kgwebo, kico ya saense le thekenoloji eo tshenolo ya yone e ka gobatsang dikgatlegelo tsa kgwebo tsa FBDM.
Tshedimosetso ya dipatlisiso ya FBDM eo tshenolo ya yone e ka senolang FBDM, mmatlisisi gongwe ntlha ya dipatlisiso mme e ka baya dipatlisiso mo boemong jo bo kotsi.
Kopo ya tshedimosetso e sa tlhamallang kgotsa e bakang go dirisiwa ga didirisiwa ka tsela e sa tlhokagaleng e tla ganelawa.
FBDM ga e na dithulaganyo tsa boikuelo tsa fag are. Go tla kopiwa makgotlatshekelo malebana le dikgato tse di sa ikamaganyeng le Molao ke ditheo tseno. Seno se tla ama boikuelo bonngwe le bonngwe bo tla diriwang ke mokopi tebang le tshwetso ya Motlhankedi wa Tshedimosetso. Le fa go kailwe dithulaganyo tsa boikuelo tsa mo teng, tsone di ka diragatswa ga fela kgonagalo ya go di dirisa e le teng mo Setheong.
Tseokarolo ya Loago, setjhaba le ditlamo tse dingwe tse di nang le kgatlego.
Bukana eno e ka bonwa ka diteme tse tharo tsa semmuso, e bong: English, Afrikaans le Setswana mo mafelong a molao go latela Karolo ya 6 ya Molao wa Kamogelo ya Ditokomane tsa Molao, wa 54 wa 1997.
<fn>Parliament and oversight Setswana.txt</fn>
Tekokgolo ya temokerasi ke maemo ao Palamente e ka netefatsang gore puso ka gale e nna e direla batho. Seno se dirwa ka go nna le maikarabelo a a tsweletseng a go okamela (go ela tlhoko) ga ditiro tsa puso..
Palamente le Dikomiti tsa yona e na le dithata tsa go bitsa mongwe le mongwe kgotsa setheo go tla go naya bopaki kgotsa go tlhagisa ditokomane, le go tla fa pele ga yona go ba begela.
Molaotheo o tlhalosa fa Palamente e na le matla a go okamela maphata otlhe a puso, go tsenyeletsa le tse di kwa maemong a porofense le selegae.
Maikarabelo a go okamela ke tiro e Molaotheo o e neetseng Palamente go ela tlhoko le go lebelela ditiro tsa puso.
go tsenngwa tirisong ga melao . tiragatso ya ditekanyetsokabo . kobamelo e e gagametseng ya melao ya Palamente le Molaotheo . tsamaiso e e nonofileng ya mafapha a puso.
Ka go okamela ditiro tsa puso, Palamente e kgona go netefatsa gore go neelanwa ka ditirelo go a diragala, gore batho botlhe ba tle ba tshele botshelo jo bo botoka.
go kgona go lemoga le go thibela tirisobotlhaswa go thibela maitsholo a a seng ka fa molaong le a e seng a semolao mo karolong ya puso go sireletsa ditshwanelo le dikgololosego tsa baagi go naya puso maikarabelo a go arabela tebang le gore madi a baduela lekgetho a dirisitswe jang go dira ditiragatso tsa puso go nna tse di mo mpaananeng le go oketsa tshepo ya batho mo pusong.
Palamente e na le dintlo di le pedi, e leng : . Kokoano Bosetšhaba (NA), le.
E nngwe le e nngwe e na le karolo e e kgethegileng ya maikarabelo a go okamela e e tshwanetseng go a diragatsa.
Molaotheo o tlhalosa gore Kokoano Bosetšhaba e tlhophilwe go emela batho go netefatsa puso ya batho ka batho ka fa tlase ga Molaotheo.
netefatsa gore maphata otlhe a khuduthamaga a puso kwa maemong a bosetšhaba a puso a rwele maikarabelo a teng, le tswelela ka tebelelo mo godimo ga tiro ya go laolo puso ya bosetšhaba.
Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e emela diporofense go netefatsa gore dikgatlhego tsa diporofense di tsewa tsia mo lephateng la bosetšhaba la puso.
Maikarabelo a NCOP ke go okamela mo dikarolong tsa bosetšhaba tsa puso ya porofense le ya selegae.
NCOP e ka kopa leloko la Kabinete, modiredi wa puso bosetšhaba kgotsa MEC wa porofense go tsenela kopano ya Khansele kgotsa komiti.
Dikomiti tsa Palamente di tlhomiwa jaaka didiriso tsa Dintlo go ya ka melawana ya Molaotheo go kgontsha maikarabelo a go okamela le go baya puso leitlho.
Dikomiti tse ke "batsamaisi bagolo" ba maikarabelo a go okamela le a peomolao ya Palamente.
Dikomiti di sekaseka molao, ba okamela tiro ya puso, le go dirisana le setšhaba.
Nngwe ya dintlha tse di botlhokwa go gaisa ya maikarabelo a go okamela ke go sekaseka dipegelo tsa ngwaga le tsa Maphata a Puso le dipegelo tsa Moruni Kakaretso ke dikomiti.
Go ikaegile ka maikaelelo a go okamela, Komiti e ka nna ya kopa ka dinako dingwe kopano go tswa mo Lephateng la Puso kgotsa go le etela go ka bona mabaka.
Tona ya Matlotlo o bega diponelopele tsa tekanyetsokabo tebang le ngwaga o o latelang wa ditšhelete, ga mmogo le diboutu tsa tekanyetsokabo tsa lefapha le lengwe le lengwe.
Palamente e tshwanetse go atlenegisa Tekanyetsokabo.
Morago ga tlhagiso ya diboutu tsa tekanyetsokabo, Komiti e nngwe le e nngwe e nna le ditheetso le Mafapha a puso a a maleba, moo e diragatsang go okamela teng.
Seno se dira go bona gore a Mafapha a tsweletse ka maitlamo a bona a ngwaga o o fetileng, le go dirisa madi a baduelalekgetho ka mokgwa o o nepagetseng.
Go botsa puso Dipotso ke nngwe ya mekgwa eo Palamente e rwesang puso ka maikarabelo a go arabela.
Dipotso tsa molomo kgotsa tse di kwadilweng di ka bodiwa Moporesitente, Motlatsa Moporesitente le Ditona ka ga merero eo ikarabelang mo go yona.
Nako ya dipotso e neela maloko a Palamente tšhono ya go botsa ditona tsa Puso ka ga dintlha tsa go neelana ka ditirelo, mo boemong jwa makoko a bona a sepolotiki kgotsa batlhophi.
Ka go dirisa tsamaiso e, Maloko a Palamente a ka neelana ka puo mo Ntlong ka nngwe le nngwe ya dintlha.
Ka go neelana ka Kitsiso ya Tshisinyo leloko la lekoko la sepolotiki le ka tlhagisa dintlha tse go ka ngangisanwang ka tsona mo Palamenteng, ka jalo go ba thusa go diragatsa maikarabelo a bona a go okamela.
Dingangisano ka maloko otlhe ke tsela e nngwe ya go tlhagisa tshedimosetso e e botlhokwa go puso mabapi le mananeo a a rileng a puso kgotsa molao o o tlhokegang go tsweletsa neelano ya ditirelo.
Tiro ya bokgaolotlhopho e neela Maloko a Palamente tšhono e kgolo ya go diragatsa maikarabelo a go okamela ka bobona.
Tiro ya kwa bokgaolotlhopho e neelana ka mokgwa wa tirisanommogo e e kitlaneng magareng ga Maloko a Palamente le setšhaba.
Maloko a na le tiro ya go tsibosa Palamente ka ntlha nngwe le nngwe e e tlhageletseng ka nako ya ditserekganyo tsa jaaka fa go okamela.
Go dira tshwaelo go Komiti ya Palamente ke tsela nngwe ya go dira gore lentswe la gago le utlwagale mo Palamenteng.
Ka go dira tshwaelo, o na le tšhono ya go tlhotlheletsa dikakanyo tsa Maloko a Komiti ba ba sekasekang karolo e e rileng ya molao kakangwa pele e ka nna molao.
Moagi mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go dira phethišene go Palamente, jaaka e neetswe mo Molaotheong.
Motho mongwe le mongwe, setlhopha sa batho kgotsa mokgatlho o ka dira phethišene go Palamente.
Phethišene ke kopo ya semmuso go bolaodi go tsaya kgato. E ka nna mo sebopegong sa gongwe topo, kopo ya go direlana molemo, kgotsa go phosolola ngongorego.
<fn>Peoples Guide - Tswana.txt</fn>
Borwa jaanong e na le ditediamo di le lesome tsa mabono.
Goamogelamoputsogo letla batho le ba bone go tswa mo bohumeng.
ta a a tlhodilwe ke mathata a ikonomi lefatshe ka bophara.
Serayagoremaitlhomoa pusoatlilegobonalasentle-thuto, maphelo, go lwa le bosenyi, tlhabololo ya magae, go tlhola ditirolegotlhabololamafeloago nna.
Tsotlhe tse di tshwanetse go diragalaka2014.
Legammusoaatlegilemogotse dintsi go tloga ka go sentse go na le mo go tlhaelang.
Dikliniki tse dintse di agilwe, mme bomme ba bantsi ba sentse ba tlhokofala ba belegabana.
mo seketeng ba tlhokofala fa ba belegwa.
ganyo tsa bona mme ba tlile go saena tumelano.
<fn>Peoples Guide to the Budget - Setswana.txt</fn>
Kaelo go Setšhaba...
Ikonomi ya lefatshe e mo seemong se se masisi go feta mo dingwageng tse di fetileng. Go ya ka pego ya International Labour Organisation batho ba le dimilione di le 18 ba lebagane le go latlhegelwa ke ditiro tsa bona mo ngwageng o. Palo e go bonala e ka tlhatlhogela kwa godimo. Lefatshe lotlhe le amilwe ke seemo se sa ikonomi e e koafetseng. Fa go lejwa mafatshe a mantsi go kaya United States, Brithani le France go tota go boifisa.
Borwa yona ga e a amega thata mme e bile re ikaelela go netefatsa gore maemo a nna fela jalo. Maikaelelo a rona ke gore re dire botoka gore re kgone go tlamela ditlhokego tsa batho ba rona. Re ikaelela go dirisa nako e e tlang go lebagana le mathata a a re tobileng.
Jaaka lefatshe lotlhe, ikonomi ya rona e gola ka bonya. Le rona re lebagane le go latlhegelwa ke ditiro mme batho ba le bantsi ba tlile go fitlhela go le boima go tlamela magae a bona. Ga ikonomi e koafetse mmuso o kgobokanya lekgetho le le kwa tlase. Se se kaya gore mmuso o tshwanetse go adima madi go fitlhelela ditlhokego tsotlhe tsa ona.
Mmuso o tlile go tswelela ka go godisa ditirelo go thusana le batho ba ba humanegileng mme ditiro tsa setshaba di tla atisa ditšhono tsa go dira. Go feta dibilione di le 780 tsa diranta di tlile go dirisiwa mo diporojekeng tsa ditiro mo dingwageng tse tlhano tse di latelang. Tse di akaretsa diteishene tsa motlakase, ditsela le mmila wa terene, go tlhabolola mafaratlhatlha a metsi le go aga matlo. Re tlile go dira le mekgatlho ya kgwebo le mekgatlho ya badiri go netefatsa gore ga go latlhege ditiro tse dintsi.
Dinaga tse dintsi ga di kgone go tsibogela maemo a jaaka rona.
Borwa e kgona go tsaa dikgato tsa go sireletsa ikonomi ya rona le bao ba humanegileng ka gonne mo dingwageng tse di fetileng re tshwere madi a rona ka manontlhotlho. Re bolokile madi ga ikonomi ya rona e ne e dira sentle. Ke ka goo re kgonang go oketsa madi a go lere ditirelo mo setshabeng.
Borwa, go tlile go nna boima. Badiredi ba mmuso ba tshwanetse go lemoga gore ditlamelo tsa puso ke tsa batho ba Afrika Borwa botlhe. Batho botlhe ba na le maikarebelo a go netefatsa gore madi ga a senngwe ke badiredi ba mmuso. Re tshwanetse go dira mmogo go tlhabolola maemo a ikonomi ya rona.
Puso e dira ka natla go thusa batho ba ba sa direng ka ditiro. Lenaneo la ditiro tse di atolositsweng le simolotse ka 2004/05. Mo dingwageng tse tlhano lenaneo le le tlhotse ditiro di le 70 000 go bao ba se nang boitseanape ba tiro. Ditiro tse di tlhotswe ka go oketsa palo ya badiri ba ba dirang mo diporejekeng tsa mmuso mo go tliseng ditirelo tsa setšhaba. Le ga ditiro tse e le tsa nakwana batho ba bone boitseanape ba go dira. Go tloga ka 2009 mmuso o tla atolosa ditiro. Go beetswe thoko madi a a kana ka R4.1 bilione go tlhola ditiro tse dintsi mo dingwageng tse tlhano tse di tlang.
000 ka ngwaga go fitlha ka go thusana le maitlhomo a go lwa le bohuma le botlhokatiro.
Borwa a le dimilione di le lesome le boraro. Lenaneo le tlile go thusa ba o ba humanegileng, bana ba bannye, bao ba sa itekanelang le batsofe.
Mmuso o tlile go bonelela bao ba sa tswang go latlhegelwa ke ditiro tsa bona, e bile o letla bao ba se nang madi go tsena sekolo, ditirelo tsa maphelo le tsona di ka bonwa mahala go tsenyeletsa metsi le motlakase go bao ba aperweng ke lehuma. Batho ba ba gateletsweng ba ka bona thuso ya nakwana dikgwedi di le thataro. Go fitlhela dingwaga tse di sometlhano bana bao batsadi ba bona ba amogelang ka fa tlase ga R2 300 ka kgwedi ba ka bona madi a katlaatleloloago. Banna ba ba kwa godimo ga dingwaga tse di 63 le basadi ba dingwaga tsa bona di leng kwa godimo ga 60 ba ka bona madi a phenshene ga ba amogela madi a a kwa tlase ga a a rileng.
Ka 2009/10 madi a a tla ya go dibilione di le R80 e leng diperesente tse 12 tsa tiriso ya madi a mmuso.
Borwa setshaba se se kwa godimo mo go ba ba tsenyang madi go thusa bao ba sa kgoneng.
<fn>PolPardon_AppForm_Setswana.txt</fn>
Aterese ya poso: Aterese ya bonno:...
Dintlha tsa kgolegelo, fa go lebane: Nomore ya kgolegelo: Letlha la ntlhantlha le ka lona o tshwanelang go fiwa parole: ... Letlha la tlwaelo la kgololo:...
A o ne wa sologelwa ka sebele ka tsela epe ka ntlha ya go dira molao/melato?
Fa go le jalo, tlhalosa mofuta le bogolo jwa mesola / melemo eo.
Ke maikaelelo afe a sepolotiki, fa a le teng, a o neng o batla go a fitlhelela ka go dira molato/melato e?
A mokgatlho, setheo, lekgotla kgotsa lekoko la kgololesego la gago le amogetse mesola mengwe ka ntlha ya go dirwa ga melato e?
A o ne o le motlhankedi / motshwaramaemo/tokololo/morotloetsi wa lekoko lepe la sepolotiki/setheo/lekgotla/lekgotla la kgololesego ka nako e go neng go dirwa molato kgotsa melato e fa go le jalo, o ne o dira o le mo maemong afe?
Nomore ya botokololo, fa e le teng:...
Bolela mabaka gore go tla siamela setšhaba jang gore Poresitente a go itshwarele.
Fa o gololwa ka parole, ke melawana efe e e laolang go fiwa parole?
Kgatiso ya mmatota ya menwana ya gago.
Khopi e e rurifaditsweng ya tsebe ya ntlha ya lekwalokaong (ID) la gago.
Mametlelelo A e e tladitsweng ke lekgotla/setheo/mokgatlho/lekoko la kgololesego, fa e le gore le etleetsa kopo ya gago.
Mokwalo ope o o leng teng tebang le kagoseswa ya botho (rehabilitation).
Nna Maina ka botlalo le sefane ke bolela gore tshedimosetso e e fa godimo e boammaaruri e bile e nepagetse.
Go sainilwe jaana kwa ka letsatsi la...
ka ngwaga wa...
A o tlhaloganya diteng tsa polelo e?
A o na le kganetso epe kgatlhanong le go dira maikano a a filweng?
A o tsaya maikano a a beilweng a tlama segakolodi sa gago?
A. Ke rurifatsa gore ke boditswe dipotso tse di umakiliweng fa godimo le gore dikarabo tsa tsona jaaka di kwadilwe fa godimo di kwadilwe ke le teng.
B. Ke rurifatsa gore mmoledi o dumetse gore o itse e bile o tlhaloganya diteng tsa polelo eno, e a ikanneng ka yona fa pele ga me, e bile tshaneo ya Mmoledi e ne ya bewa mo go yone fa pele ga me.
Maemo Maemo mo Repaboliki ya Afoprika Borwa Aterese ya kwa Tirong ... (Go tshwanetse ga fiwa aterese ya mmila) Letlha ... Lefelo...
A o tlhomamisa ka bomasisi diteng tsa polelo e Karabo..?
A. Ke rurifatsa gore ke boditswe dipotso tse di umakiliweng fa godimo le gore dikarabo tsa tsona jaaka di kwadilwe fa godimo di kwadilwe ke le teng.
B. Ke rurifatsa gore mmoledi o dumetse gore o itse e bile o tlhaloganya diteng tsa polelo eno, e e tlhomamisitsweng fa pele ga me, e bile tshaneo ya Mmoledi e ne ya bewa mo go yone fa pele ga me.
Maina a ntlha ka botlalo le Sefane (Ditlhakakgolo) Maemo...
Aterese ya kwa Tirong...
<fn>PolPardon_AppForm_Setswana_AnnexA.txt</fn>
Maina ka Botlalo:...
Nomore ya Mogala: ()...
Nomore ya Fekese: ()...
Nna (maina ka botlalo) ke bolela fano mo boemong jwa ... (leina la lekgotla/setheo/mokgatlho/lekoko la kgololesego) gore...
Ke romilwe ke lekgotla/setheo/mokgatlho/lekoko la me la kgololesego go dira polelo e le go fa thomo e mo boemong jwa lekgotla.
Maina ka botlalo le sefane ke bolela gore tshedimosetso e e fa godimo e boammaaruri e bile e nepagetse.
Go sainilwe jaana kwa ka letsatsi la ... la kgwedi ya ... ka ngwaga wa...
A o tlhaloganya diteng tsa polelo e?
A o na le kganetso epe kgatlhanong le go dira maikano a a filweng?
A o tsaya maikano a a beilweng a tlama segakolodi sa gago?
A. Ke rurifatsa gore ke boditswe dipotso tse di umakiliweng fa godimo le gore dikarabo tsa tsona jaaka di kwadilwe fa godimo di kwadilwe ke le teng.
B. Ke rurifatsa gore mmoledi o dumetse gore o itse e bile o tlhaloganya diteng tsa polelo eno, e a ikanneng ka yona fa pele ga me, e bile tshaneo ya Mmoledi e ne ya bewa mo go yone fa pele ga me.
Maina a ntlha ka botlalo le Sefane...
Aterese ya Tiro...
A o tlhomamisa ka bomasisi diteng tsa polelo e?
A. Ke rurifatsa gore ke boditswe dipotso tse di umakiliweng fa godimo le gore dikarabo tsa tsona jaaka di kwadilwe fa godimo di kwadilwe ke le teng.
Maina a ntlha ka botlalo le Sefane...
Aterese ya Tiro...
<fn>Presidential PolPardons - Setswana.txt</fn>
Fa o le mo kgolegelong ka ntlha ya tlolomolao e e rotloeditsweng ke mabaka a sepolotiki e e diragetseng ple ga Seetebosigo 16, 1999 kgotsa o golotswe kwa kgolegelong morago ga ditlolomolao tse di jaana, o ka dumelelwa boitshwarelo jwa sepolotiki go tswa go Moporesitente wa Naga ya rona.
Ela tlhoko gore fa o ne o latofaditswe ka tlolomolao ya mofuta o sele, GA O tshwanelwe ke boitshwarelo go ya ka paka e ntšhwa. Fela o ka dira kopo ya boitshwarelo e e tlwaelegileng go ya karolo 84 (j) ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa o o neelang Moporesitente thata ya go itshwarela kgotsa go golola batlolamolao le go phimola dikwatlhao tsa bona.
Boitshwarelo jo bo kgethegileng jo bo simolotse ka 15 Ferikgong 2008 mme bo tswalelwa ka 15 Moranang 2008.
Se se kaya gore o tshwanetse go tlatsa foromo ya kopo ka bonako jo bo kgonegang.
Fa o tlhoka thuso ya go dira kopo ya gago, lekoko la gago la sepolotiki le na le maikarabelo a go go thusa go tlatsa foromo ya kopo.
Foromo ya gago ya kopo e tshwanetse go romelwa ka tsela e e maleba le ke motho yo o neetsweng thata eo ke lekoko la sepolotiki, setheo kgotsa mokgatlo wa kgololosego go netefatsa ka fa tlase ga maikano gore o ne o le ka fa tlase ga taelo kgotsa kgakololo go dira tlolomolao eo ka ntlha ya mabaka a sepolotiki.
Ela tlhoko fa o tlatsa foromo ya kopo - ke tse di tladitsweng sentle fela tse di tla tsewang tsia.
Go tshwanetse ga nna le motho a le mongwe fela mo foromong ya kopo. Tshedimosetso yotlhe e tshwanetse go tladiwa ka nepagalo le ka boammaaruri le ditlankana tsotlhe tse di e tshegetsang.
Lekoko la gago la sepolotiki le ka romela kopo e boemong jwa gago, fa go le jalo, le tshwanetse go netefatsa gore foromo ya kopo e tladitswe ka nepagalo. Le tshwanetse go bolela ka fa tlase ga maikano gore tlolomolao e e dirilwe ka ntlha ya ditiragalo tsa sepolotiki tse le neng le amega mo go tsona.
Sa ntlha, Lefapha le tla sekaseka dikopo tsotlhe tse di dirilweng. Dikopo di tla romelwa kwa Setlhopheng sa Referense (Reference Group - RG), se se dirwang ke maloko a makoko a sepolotiki a a leng teng mo Palamenteng. RG e tla leba kopo nngwe le nngwe go ya ka dintlha tsa yona mme e dire katlenegiso go Moporesitente wa Naga ka ga go rebola kgotsa go gana ka boitshwarelo jwa kopo nngwe le nngwe. RG e tla tswelela go dira go fitlha ka 30 Lwetse 2008.
Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo le tlamela Rg ka ditirelo tsa bokwaledi.
Fa o romela kopo ya gago morago ga 15 Moranang 2008.
<fn>Pula Imvula. BreadWheat.2010-03.tn.txt</fn>
Photo 1: Samuel Moloi (Molemirui wa ngwaga wa 2009), o robile ditono tse 3.5 ka heketatera, tse di gaisang thata tsa korong mo setlheng se.
Photo 2: Go kopanya korong ya ga Samuel Moloi.
Mo dinageng tse dintsi tsa lefatshe, batho ba fitlhile mo ba tsayang senkgwe jaaka tshwanelo mme e seng tshiamelo. Le mono Aforikaborwa go jalo, foo bantshakuno ba Aforikaborwa, mo dingwageng di le dintsi, ba ntshitseng korong yotlhe e re e tlhokang, go netefatsa gore re na le senkgwe mo dišelofong ka dinako tsotlhe.
Mo ditlheng tse pedi tse di fetileng, bantshakhuno ba korong ba tshwaragane le tseitsi ya gore ga ba ka ke ba ntsha korong le go dira poelo - ditshenyegelo tsa ditsenngwateng di kwa godimo thata, fa tlhotlhwa ya kuno yona e le kwa tlase thata.
Bantshakuno ba mo kgwebong, mme jaaka go le ka kgwebo nngwe le nngwe, go falola o tshwanetse go dira poelo. Selekanyo sa madi a o a dirisang go ntsha dijalo, se tshwanetse go nna kwa tlase ga selekanyo sa madi a o a bonang fa o rekisa sejalo. Ka go tlhoka lesego, mo dingwageng tse di sa tswang go feta, ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tsa ntshodikuno, sekao: metšhine ya temothuo, disele, monontsha, peo, dibolayatlhatshana le dibolayasenyi, inšorense ya dijalo, thobo le dipalangwa, di tlhatlogile go bonala, le mororo tlhotlhwa ya korong e wetse tlase. Bantshakuno ba rona ba tshwanela go kampana le ntlha ya gore ba ka se ke ba tlhola ba tswelela go jala korong gape.
Mo kgannyaneng e, ke tsepamisitse mogopolo mo ntshokunong ya korong mo lefatsheng le le omileng. Go a itlhalosa ka jalo gore maemo a farologane le mo bantshakunong ba nosetso. Bantshakuno ba gale ba jala dijalo tse pedi ka ngwaga, mme ba netefalediwa thobo ya pholo e e kwa godimo. Poelo ya dijalo tse di nosediwang gantsi e feta ya lefatshe le le omileng kgotsa dijalo tse di nosiwang ke pula. Fela le gale go gakologelwe gore ga se lefatshe le le ka nosiwang, fela ke ntlha ya gore naga ya rona ga e na metsi a a lekaneng. Gape re tshwanetse gore re se ke ra kgoba kgetsi ka bantshakuno ba nosetso-gakologelwang gore bontsi jwa rona bo dirisa motlakase go pompela metsi kwa masimong a lona. Rotlhe re na le kgonalo ya tlhatloso e e boitshegang ya tlhotlhwa ya motlakase e e tshikinngwang ke Eskom. Fa ditlhatloso tse di ka diragadiwa, se se tla le kgonagalo ya go thibela bantshakuno bangwe go ntsha dijalo.
Gona go reng bantshakuno ba jala korong?
Bantshakuno ba simolotse go jala korong ya mariga mo legoleng la selemo kwa foreisetatabotlhaba ka dingwaga tsa bo 1950. Ka nako eo, ditshenyegelo di ne di fopholediwa go nna ditono tse 0,5 ka heketara, mme fa o dirisa mekgwatiriso e e siameng ya temo, bantshakuno ba ne ba kgona go bona thobo ya tono e le 1 ka heketara. Dithobo di ka tswa di sa kgatlhise, fela gakologelwa ka dingwaga tseo, tsadisopeo e ne e sa tswelelela jalo, e bile go ne go dirisiwa monontsha o monnye thata fa o ne o dirisiwa. Le fa go ntse jalo bantshakuno ba ne ba dira poelo. Mo dikgaolong di le dintsi tsa foreisetata, mebu ya teng e siametse thata tshomarelo ya bongola mo mmung. Metsi a pula e e nang moragonyana mo selemong le ka letlhabula, a bolokwa mo lefatsheng, mme korong e dirisa ona metsi ao go fitlhelela dipula tsa dikgakologo di na.
Bantshakuno ba ne ba jala korong jaaka sejalososi mo dingwageng tse dintsi, go fitlhelela "wild oats" e nna mathata mo masimong. Ka gonne "oats" le korong e le losika, go ne go batla go sa kgonagale go bolaya "oats" kwa ntle ga go utlwisa korong botlhoko. Bantshakuno ba ne ba patelesega go sekaseka ntshokuno ya mmidi, le moragonyana disonobolomo jaaka direfosani le korong. Go fetoga go tswa sejalong sa mariga go ya sejalong sa selemo, mme morago le go boela kwa go sona, go ne go na le mesola e mentsi. Gongwe mongwe wa botlhokwa go gaisa e mengwe e ntse taolo ya mefero. "Oats"e e tlhogang mo marigenge ne e kgona go laolwa mo masimong a a sa jalwang pele ga dijalo tsa selemo di jalwa, mme mefero ya selemo e ne e le bonolo go e laola mo masimong a korong, gonne bontsi jwa yona ke ya matlhare a maphaphathi, fa korong e le matlhare a masesane, ka jalo taolomofero ka khemikale e ne e le bonolo.
Bantshakuno ba ne ba tlhama thulaganyo ya go latsa masimo le thefosanyodijalo-sengwe se se tshwanang le tatelano, ya korong, mmidi, sonobolomo le korong. Montshakuno mongwe le mongwe o na le thulaganyo ya gagwe ya lapa le thefosanyodijalo, go ya fela ka maemo a gagwe, fela paterone e ne e batlile e tshwana le yona e. Dijalo tse dingwe le tsona di fa gongwe di akarediwa-gantsi dijalo tsa furu ya leruo.
Jaanong bantshakuno ba mo tsietsing - ba tlhoka go nna le sejalo sa mariga mo modikong, fela ga ba tlhole ba kgona go lema korong ka poelo. Ba ya go dirang?
A tota Aforikaborwa e tlhoka bantshakuno ba korong?
Se ke potso e e siameng e re tshwanetseng go e ipotsa - puso le yona e tshwanetse go botsa potso e. Go reng re tshwanetse go tshwenyega ka bantshakuno ba rona Ba ya go dirang?
Go boammaaruri go re lefatshe le nyenyefetse - dikuno di bapadiwa mo mmarakeng wa lefatshe. Ee, go ka kgonega gore Aforikaborwa a romele teng korong yotlhe e a e tlhokang, e ka nna ya tiriso ya gagwe le yona tota ya dinaga tsa baagisane jaaka Lesotho, Swatsing le Botswana.
A Aforikaborwa o na le madi a boditšhaba a a lekaneng go kgona go duelela diromelwateng Gakologelwa gore ga o bone madi a boditšhaba, o tshwanetse wa bo o romela ntle dikuno tsa dinaga tse dingwe di batlang go di reka?
A dinaga tsa thomelontle di tlaa nna le korong e e lekaneng go tla Aforikaborwa ngwaga le ngwaga Gona go ka diragalang fa ba ka swetsa go dirisetsa lefitiso la bona mo ntshokunong ya ethanolo (sekao fela) mme e seng go romela ntle?
A go na le dikepe tse di lekaneng go rorela korong mono Aforikaborwa?
A maemelakepe a rona a ka kgona go amogela dithoto tsotlhe tse di tlaa tlhokang go romelwa teng go kgotsafatsa ditlhokego tsa naga yotlhe le dinaga tsa baagisani?
A ditsela tsa rona di ka tshwarelwa mo thorong ya dithoro go tswa kwa lobopong?
Go tlaa diragala eng ka batho ba ba dirang mo dipolaseng tse di jalang korong?
Go tlaa diragalang ka batho ba ba thapilweng ke dikoporasi le difala go bereka ka korong?
Re na le palo ya baagi ba magae e ntsi le e humanegileng - re tlhoka go rotloetsa tlhabololo ya ekonomi mo dikgaolong tsa magae. Temothuo ke tsela e e gaisang go fitlhelela se. Bantshakuno ba rona ba tshwanetse go dira poelo gore ba kgone go tswelela go ntsha dikuno.
Ga tweng ka bantshakuno ba bantsho ba ba tlhabologang?
Rotlhe re semeletse go ntshwafatsa temothuo mo Aforikaborwa - go na le bantshakuno ba bantsho ba bantsi ba ba tlhokang go ntsha korong jaaka karolo ya modiko wa thefosanyodijalo wa bona. Ka nako e, re kgonne go ema bantshakuno ba nokeng go tsena mo ntshokunong fela ka gore ba tshegofaditswe ka dikabelo go tswa go Winter Cereals Trust le Lefapha la temothuo la foreisetata. Fa re tshwanela go thusa bantshakuno ba bantsho go lema ka go itshegeletsa, go botlhokwa jo bo masisi thata go sekaseka go nna poelo ga ntshokuno ya korong.
Ga tweng ka diromelwa teng?
Mo dinageng tse dingwe tsa lefatshe, maemo a ntshokuno a mantle thata - mebu e e botoka le dipula tsa matsorotsoro (ka dinako pula e e kgonang go abelelwa sentle), tota le sona segagane se se naya korong bongola mo dikgweding tsa mariga (korong e nana ga e tsenwe ke serame bonolo). Gape dinaga tse dingwe di na le ditshenyegelo tsa ntshokuno-tse di kwa tlase - sekao: ditlhotlhwa tsa disele le monontsha tsa bona di kwa tlase ga tsa rona. Dinaga tse di kgona go ntsha korong e e fetang e ba e tlhokang ka ba kgona go romela ntle lefitiso la bona. Ee, Aforikaborwa o ka romela teng korong - fela gakologelwa dipotso tse a tshwanelwang ke go di ipotsa.
Tharabololo ke eng?
Re dumela gore nngwe ya ditharabololo ke go tlhoma kelotefo ya thomeloteng mo koronnye. Fa korong e romelwa teng, bao ba e rekang korong ba tshwanetse go duela lekgetho le le kgethegileng mo go yona. Lekgetho le e tlaa bo e le motswedi wa lotseno wa naga, mme le tlaa thusa go dira kgatelelo ya tlhatloso mo tlhotlhweng ya selegae ya korong. Gakologelwa gore fa mosidi a batla go reka korong, o lebelela boleng le tlhotlhwa. Ka kakaretso boleng jwa korong ya Aforikaborwa bo bontle thata, fela tlhotlhwa e kwa godimo mme mosidi o reka e e rometsweng teng. Fa mosidi a ne a tshwanelwa go duela porimiamo mo koronnye e rometsweng teng, o ne tota a se tlaa akanya go reka dijalo tsa selegae. Fa mosidi a ne a tshwanela go duela porimiami mo koronnye e e rometsweng teng, o ne tota a tlaa akanya go reka dijo tsa selegae. Se se ne se tlaa thusa bantshakuno ka go tlhatlosa tlhotlhwa e montshakuno a e bonang mo dijalong tsa gagwe.
Fa bantshakuno ba rona ba ne ba ka dira poelo mo koronnye ya bona, ba ne ba ka jala korong e ntsi. Aforikaborwa o ne a dirisa madi a boditšhaba a botlhokwa mo go rekeng korong, ikonomi ya magae ya selegae e ne e tlaa tlhotlhelwa ditiro le dintsi tsa tlhamiwa, bantshakuno ba ne ba tlaa kgona go duela badiri ba bona thata, jalo le jalo. Naga e ka bona mesola e mentsi.
Kelotefo ya thomeloteng e tlaa dirang mo tlhotlhweng ya senkgwe?
Llofo ya Borotho, 20 - 25 % ya tlhotlhwa e o e duelang ke boleng jwa korong llofong.
Kgetse ya phaletšhe - 35 - 45 % ya tlhotlhwa e o e dueling ke boleng jwa mmidi.
Fa llofo ya borotho e ja R8,00 (sekao fela) boleng jwa korong bo ka nna jwa nna R2,00. Jaanong kelotefo ya thonoloteng a ka tswa gongwe e le 5% (e e tlaa bong e boitshega). Se se ka tlaleletsa ka 10c mo tlhotlhweng ya llofo ya borotho. Se ga se pharologano ya tlhotlhwa e e boitshegang mo modirising, fela gongwe e ka pholosa montshakuno wa korong mo go jeweng.
Kgwebo ke mathata - dikgwebo tsotlhe di na le kelo nngwe ya mathata.
Bantshakuno ke banewatlhotlhwa - montshakuno ga a kgone go swetsa gore o batla go bona bokae mo temong ya korong ya gagwe ka gore dithoro tsotlhe di bapadiwa ka fantisi mme go le gontsi tlhotlhwa e montshakuno a patelediwang go e amogela mo dijalong tsa gagwe, e e leng kwa tlase ga se e di mo jeleng sona.
Fa o le ralebaka o reka bupi jwa borotho, mme o swetsa ka tlhotlhwa e o tlaa duedisetsang dirolo tsa gago. Fa modirisi a sa rate go duela tlhotlhwa eo, o emisa go reka folouru le go emisa go besa go fitlhelela ditlhotlhwa di tokafala. Fa montshakuno a setse a sweditse go jala sejalo, ga a ka ke a emisa tirego le go ema go fitlhelela tlhotlhwa e tokafala - o sentse madi mme o tshwanela go roba dijalo le go di rekisa.
Bantshakuno ba rona ba botlhokwa go gaisa - ba dira ka natla ba rwala mathata ba ba tlamelang batho ba Aforikaborwa ka dijo le ditiro. Gakologelwang gore re ka romela dijo teng fela fa dinaga tse dingwe di na le lefitiso, le fa naga ya rona e na le madi a boditšhaba go duelela diromelwateng. Fa maemo a sa siama mo dinageng tse dingwe tse di romelang ntle, go ne ba tlaa tshwara dijo tsa bona go di itirisetsa mme ga re ne re kgona go di reka. Fa kelokananyo e le kgatlhanong le boleng jwa ranta ya rona, naga ya rona ga e ne e nna le madi go duelela diromelwateng tsa dithoro, mme batho ba rona ba tlaa bolawa ke tlala, jaaka go ntse mo dinageng tse dingwe mo Aforika. Bantshakuno ba rona ke baagi ba botlhokwa ba ba dirang ka natla ba Aforikaborwa mme re tshwanetse go tsaya matsapa otlhe go ba tshola ba ntshetsa setšhaba sa rona dijo. Mo nakong e e tlang fa o reka llofo ya borotho - Gakologelwa montshakuno wa korong yo o senyegetsweng ke madi gore a kgone go ja.
<fn>Pula Imvula. ChemicalsMaize.2010-03.tn.txt</fn>
Photo 1: Se ke se se diragalang fa o kgatsha mmidi ka sebolayatlhatshana pele o siamela go kgatshiwa.
Photo 2: Netefatsa gore o latela dikakanyotheo ta motheo fa o tshela dibolayasenyi.
Dikhemikale tsa temothuo di ka nyeletsa dijalo tsa gago, go na le go di sireletsa, fa di sa tshelwe go ya ka dikatlanegiso tse di rebotsweng le ka kelotlhoko e e tlhokegang. Ka go latela dikakanyotheo tsa motheo fa o reka le go tshela dikhemikale, montshakuno a ka thibela tshenyo e kgolo mo dijalong tsa gagwe.
A tlhabego ya setemothuo e kwadiseditswe sejalo se se kgethegileng (mono Aforikaborwa) le go bolaya mofero, fankase kgotsa tlhaselo e e rileng?
A seelo se se atlanegisitsweng sa khemikale se tshelwa jaaka go laetswe?
A maemo a loapi ka nako le morago ga tshelo a dumelana le maemo a a rebotsweng?
A nako ya tshelo e tshwana le e e laotsweng, sekao, phakela thata kgotsa thapama thata?
A maemo a tshimo koo dijalo di jetsweng a mo logorong lwa ditlhokego, sekao, bongola jwa mmu le mofuta wa mmu?
A dikgatotaolo kgatlhanong le tlhaselo di diragaditswe ka nako ya kgatokgolo e e laetsweng ke kaedi tsa tiriso?
Ditlamorago - a tlhabego ya setemothuo e na le bokotsi bongwe mo thulaganyong ya thefosanyodijalo - ka mafoko a mangwe mo dijalong tse di latelang?
A tlhabego ya setemothuo e ka tswakannywa le ditlhabego tse dingwe - sekao, sebolayatlhatshana se se rilengle dibolayatlhatshana tse dingwe le/kgotsa dibolayasenyi le dibolayafankase ts dingwe.
Dikatlanegiso di tshwanetse tsa bo di kwadilwe e bile di kannwe ke moemedi.
Bantshakuno ba tshwanetse gape ba ele tlhoko gore phokolelo e ka diragala ka nako ya tshelo ya dikhemikale, bogolosegolo ka kgatsho go tswa mowing, mme ba leke go fokotsa se. Tshenyo e kgolo e tlholwa fa dikhemikale tse di ka wela mo masimong a boagisani a a nang le dijalo tse di bosisi.
Pabalesego ya dijo e botlhokwa mo go maswe. Ka go tshela dikhemikale ka nepo le go tshola rekoto ya ditshelo tse, bantshakuno ba tlaa bob a fentse dintlha tsa tshireletsego ya dijo e e tshosang.
<fn>Pula Imvula. FocusMaize.2010-03.tn.txt</fn>
Grabber: Tlhabololo ke ya batho - ke ya sebele.
Mo Aforikaborwa go na le bantshakuno ba bagwebi ba bantsi ba ba itseng go dira temothuo ya kgwebo, go ntsha sejalo sengwe le sengwe le go rua mofuta mongwe le mongwe wa leruo. Ga re tlhaele ka kitso ya gore re ja dira jang temothuo - se re se tlhokang ke phetisetso ya bokgoni le kitso kwa bantshakunong ba bantsho gore ba kgone go dira temothuo ka go itshegeletsa le go ikemela.
Dikgopelotheo tsa tlhabololo ya itshegeletso le tsa itshegeletso ya matshelo a kwa magaeng di akaretsa tsepamisomogopolo mo metswedithusong/dithoto tse motho ka sebele a nang natso le gore ka tsereganyo e e tshikintsweng, tiriso ya dithoto tse di setseng di le teng e ka okediwa jang. Dithoto tse di farologana - seloago, matlole, sebopego, tlhago le setho. Gore tlhabololo e e itshegeletse, e tshwanetse go agelela mo dithotong tse di gona, tse di dirisiwang ke batho go dira dijo le lotseno. Matshelo a a tokafetseng a tsala lotseno lo lontsi, pholo e e oketsegileng, koafalo e e fokotsegileng tshireletsego ya dijo e e tokafetseng le tiriso e e itshegeleditseng e ntsi ya metswedithuso ya tlhago. Tirego ya tlhabololo e e agelela mo dithateng le dithotong tse batho ba ka di fitlhelelang.
Dibako tsa sehumanego di a farologana fela go na le dintlhana tse di tshwanang mo modikong o o setlhogo o wa khumanego - lotseno lo lo kwa tlase, ntshokuno e e kwa tlase, botlhokakitso.
Batho ba ba humanegileng gantsi ba beelwa thoto mo thekenolojing ya segompieno le mekgwatiriso ya ntshokuno ya segompieno mme ba tswelela go dira dilo ka tsela ele ya segologolo fela ka ntlha ya gore ga ba bontshwe mekgwa (ditsela) e e botoka le ya segompieno ya go dira dilo. Gantsi go na le phetogo mme ba boifa se ba se itseng. Ba ka leka go amogela mekgwatiriso e e lekanyetsang mathata a thobo. Sekao ga ba ka ke ba lekelela sejalo se sešwa, gonne ba tshaba tatlhegelo ya tshireletsego ya dijo ya lelapa. Ka mananeo a rona a katiso le tlhabololo, re tlhoka go bontsha batho mekgwa e e botoka ya go dira dilo, fela go ntse go le jalo, re tlhoka go ba sireletsa mo go palelweng, ka gore go palelwa go ka ama tshireletsego ya dijo ya selelapa.
Dikgoreletsi tsa sebopego di ka tswa di tshola batho ba humanegile, sekao: komelelo, disenyi, merwalela, themo ya dikgwa, phudisokgothego, kgogolego, seemo sa dikotla tsa mmu se se bokoa le botlha jwa mmu. Fa o humanegile ga o kgone go tsaya dikgalothibelo - o ka tswa o sa itse ka inšorense ya dijalo kgotsa o ka tswa o sa kgone go e fitlhelela. Fa matsubutsubu a sefako se se setlhogo a rathata masimo, dijalo di ka senngwa gotlhelele mme bantsakuno ba tlogelwa ba se na dijo.
Re tshwanetse go gakologelwa gore batho ke motho ka sebele mme ba tshwanetse go laola botshelo jwa bona. Motho ka sebele o tshwanetse go matlafadiwa go tsaya ditshwetso ka, le go laola matshelo a ba bangwe. Tlhabololo nngwe le nngwe e tshwanetse go simolola kwa tlase. Batho ba ba yang go tswelwa mosola ba tshwanetse go tlhaloganya tsereganyo, ba batla kemonokeng, mme ba letetse go bona mosola. Mananeo le diporojeke tse di patelediwang di tla ka bathati di baka ikaego ka ditsereganyo go tswa kwa ntle.
fela fa re setse re tlhalogantse le go amogela gore motho mongwe le mongwe ka sebele, o rwala maikarabelo a botshelo jwa gagwe, mme re tlaa tlhaloganya gore "go direla batho" ga se tharabololo ya tlhabololo. Tlhabololo e e itshegeleditseng ka maatlafatso ya batho go ikemela. Dijo tse di abelwang batho di tlhola boikaegi, e bile tota di thibela batho go gola go boitlamedi le boikemelo.
Mo morafeng mongwe le mongwe, go tlaa nna go nna le batho ba ba mo maemong a bothati e bile go swabisa nko go feta molomo gore bao ba ba mo maemong a a botoka ba rwala maikarabelo a kgatelelo le jewontsoma ya batho ba ba humanegileng.
Go na le dintlha tsa seikonomi tse dintsi tse di farologaneng tse di tsholang batho ba humanegile, sekao, tlhaelo ya polokelo le kghepetlele, tlhaelo ya tseisomolato, tlhaelo ya batlhamakgwebo, tlhaelo ya bobolokelo, tlhaelo ya dithulusu le didiriso, infoleišene, thekisokopanelo, tlhaelo ya tlamelomatlole ya dijalo, ditlhotlhwa tsa montshakuno tse di kwa tlase, tlhaelo ya dirori le tlhaeletsano le ditlhotlhwa tsa dikuno tse di yang tlase le godimo.
Go na le diporofense dingwe mo nageng ya rona tse di batlang di nna bukathutiso ya thulo ya khumanego e e tseneletseng. Batho ba a tshelatshela, fela bas ala go nna ba humanegile, le mororo ba na le go fitlhelela metswedithuso ya tlhago e e humileng. Dikgaolo tse dikgolo tsa diporofense tse di na le mmu o o boteng, mogote o o lekaneng le dipula tse di lekaneng, go nna le ntshokuno ya dijalo e e siameng, ya dithoro le dipeo tsa oli. Fela le gale go na le dintlha tse dingwe di le mmalwa tse di kgoreletsang tswelelopele.
Khumanego, mmogo le koafalo e e tlhagisang, ka poifo ya tshireletsego ya dijo tsa selelapa.
Boikaego mo go borakonteraka ba temothuo ba ba oketsang mathata a ntshokuno ka tirelo e e bokoa, mme e oketse ditshenyegelo tsa ntshokuno.
Re le ba Lenaneotlhabololo la balemirui la Grain SA tsepamisomogopolo ya rona e mo ntshokunong ya mmidi. Potso e ka sala go nna - gore tsepamisomogopolo mo mmiding ga jaana.
Mmidi ke sejosegolo ka jalo ntshokuno e e tokafetseng e tshwaela mo tshireletsegong ya dijo ya selegae e bile go setse go ne le mmaraka wa mmidi o o siameng (go tswa go mmidi wa letšhotlho go ya dithorong).
Mmidi o ntshiwa ke bantshakuno ba selegae ka jalo go na le kgatlhego gammogo le kitso ya go agelela mo go yona.
Bontsi jwa mmidi bo dirisiwa mono gae, mme bobolokwa ke bantshakuno o le mo diakong - go efoga tlhokego ya thoro, komiso le poloko.
Mmidi ke sejalo se se motlhofo go se ntsha e bile bontsi jwa tiro bo ka dirwa ka diatla (fa tirisometšhine e se yo).
Fa go ka tshokane go ntse lefitiso la mmidi o ka dirisiwa ke lelapa lotlhe - batho dikgomo, dinku, dikoko, tota le dikolobe. Mmidi o o lekaneng lelapa lotlhe o tokafatso boleng jwa botshelo thatathata.
Go reng tlhabololo ya bantshakuno e tsaya lobaka jaana?
Ga go sepe se se bonolo ka temothuo, mme bantshakuno ba tsamaisa mabaka a a bophara fa ba tla ba ithwesa mathata a a boitshegang.
Ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tse di kwa godimo le ditlhotlhwa tse di kwa tlase tsa dithoro di ketefatsa thata kgonego ya go dira poelo go tswa ntshokunong ya dithoro e e ikaegileng ka pula mo dikarolong tse dintsi tsa Aforikaborwa.
Ditshenyegelo tsa semotšhine di a boitshega.
Bantshakuno ba bagwebi ba ba nang le maitemogelo ba a kgaratlha - jaanong bantshakuno ba ba tlhabologang bona Bona ba a felelela?
Re dumela gore go dirang mo tlhabololong ya bantshakuno?
Bannaleseabe botlhe ba tshwanetse go dira ka botswapelo le go gabalalela go tlhabolola bantshakuno - temothuo e bogolo ka montshakuno go na le lefatshe.
Simolola ka dijalo tse di bonolo mme o tlhatlogela a iketlo kwa dijalong tse di nang le kgwetlho e kgolo.
Letla montshakuno go simolola ka se a nang naso - go simolola ka bonnye mo tshimong e nnye go babalesegile (Gakologelwa gore motho yo o batlang go dirisa lefdatshe le gagwe o ntse a tshelatshelaka lotseno lo a nang nalo go fitlha gajaana. Fa a ka kgona go dira poelo e nnye ks heketara mo lefatsheng le a nang nalo, ke madi a tlaleletso, a a ka bong a sa a bona. Ka go simolola go le gonnye le go lekanyetsa mathata, go dira se se siameg ka tshwanelo, montshakuno o ka gola mo kgonong le boitshepi).
Se pateletse montshakuno go dirisa rakonteraka, mme bogolo mo thuse go tlamela didiriso tsa gagwe le go dira ka se a ka se kgonang ka boena. Go ka nna botok mo montshakunong go hirisa lefatshe le a sa le diriseng, fa a golela mo kgwebong.
Go dirisa motataisi go manontlhontlho - fela motho yo o ga se mang le mang! Motataisi ke motho yo ka nnete a nang le kgatlhego ya tlhabololo mo motataisiweng, yo o tlaa nnang pelotelele le tshegetso. Tshwaragao motataisi le motataisiwa e tshwanetse go nna e bothitho tota - e thaetswe mo tsepamong le tlotlanong e bile go botlhokwa thata gore matlhakore ka bobedi a itumelele go nna mo tshwaraganong e gonne ke sona se e leng sona - tshwaragano. Kwa Kapabotlhaba go bokete go bona botataisi; gonne go le leuba la bantsakuno ba bagwebi ba pele kwa dikgaolong tsa magae.
Tshola bantshakuno ba sedimoseditswe e bile ba na le seabe, mme o seka wa tsaya ditshwetso tse di amang kwa ntle ga bona - "se re direle sepe, o sa re rerisa".
Thusa bantshakuno go kontela tshekatsheko ya polase - masimo, diterekere, didiriso, metšhine, loruo, melato, dithoto, jj. tsa bona. Re tlhoka go thusa bantshakuno ka botlalo mme le bona ba tlhoka go tlhaloganya gore go buiwa ka eng tota. Sekao: gore montshakuno o na maatla a kwa a kae mme o kgona masimo a a kana kang ka kgono eo?
Netefatsa gore montshakuno ke karolo ya lenaneo la katiso le tlhabololo. Go nna montshakuno yo o feleletseng yo o kgonang wa mogwebi tirego ya pakatelele mme ditheo tse di farologaneng tse dintsi di ka tshwaela mo tiregong e.
<fn>Pula Imvula. LandMaize.2010-07-01.tn.txt</fn>
Nka bona lefatshe jang?
Nngwe ya dikopo tse di boaboelediwang thata tse re di amogelang mo bathong ke - "Ke batla lefatshe. A lo ka nthusa" Karabo ya ntlha ke "Nnyaya". Rona re le ba Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA, ga re amege mo go thuseng batho go bona (fitlhelela) lefatshe?
Fa re ne re ka dira se, go ne go ka se nne le nako ya go dira sepe gape gonne go batla go nna gore mongwe le mongwe o lora go nna le lefatshe le go nna montshakuno. Mo lenaneong la rona, re ema nokeng batho ba ba setseng ba na le lefatshe le didiriso.
Morago ga 1994, Lefapha la Merero ya Mafatshe le le neng le sa tswa go tlhomiwa le ne la semelela go tsena mo lenaneong la kabo ya lefatshe go ya ka mananeo a a farologaneng. Mo puisanong e, re tlaa tsepama fela mo kabong ya lefathse ka tsela ya kabosešwa mme e seng go bua ka ditopolefatshe le pusetsolefatshe. Gakologelwa gore lenaneo la rona le batla go tlhoma bantshakuno ba bagwebi ba ba maatlafaditsweng, ka jalo re tsepame mo go tsenyeng lefatshe mo ntshokunong ka go thusa montshakuno yo montšhwa, go na le go thusa bao ba ba batlang go ruela lefatshe mabaka mangwe fela.
Lenaneo la ntlha la Merero ya Lefatshe e ntse Kabo ya Phitlhelelolefatshe la Bonno (SLAG). Se se ne se tsamaelana sentle le tlamelo ka matlo foo lelapa lengwe le lengwe le neng le tshwanelwa ke kabo ya R15 000. Ka bomadimabe ga go na polase e e ka rekisiwang ka R15 000, ka jalo batho ba ba neng ba batla go reka polase ba ne ba tshwanela go ipopa ditlhopha mme ba reke polase mmogo.
Batswelwamosola ba ne ba sa tlhoke go nna mo polaseng.
Lefapha la Merero ya Mafatshe le ne la lemoga gore thulaganyo e ga e dire sentle ka bonako, ya emisediwa ka sekema sa Kabosešwa ya Lefatshe la Tlhabololo ya Temothuo (LRAD).
Kabo e ne e le ya bonnye jwa R20 000 (e e neng e feta Kabo ya Phitlhelelolefatshe la Bonno ya R15 000).
Dithoto tsa gago di ne di ka go tsalela kabo e e okeditsweng (go fitlhelela kabo ya makisimamo wa R100 000 mo tshwaelong ya gago ya R400 000). Se e ne e le tsela ya go ngoka batho ba bangwe ba ba neng ba setse ba fitlheletse phitlhelelo ya khepetlele ya mohuta mongwe, (gantsi ka go nna le kgwebo ya mohuta mongwe).
Batswelwamosola ba ne ba sa tlhoke go nna mo polaseng.
Go lemoga fa thulaganyo e e fa godimo le yona e sa atlega thata. Lefapha la Merero ya Mafatshe le ne gape la leka sekema se sešwa - Sekema sa Phitlhelelolefatshe sa Boitirisi.
Sekema se se dira ka thulaganyo ya gore Puso e reka lefatshe go le aba gape sešwa. Polase e a phasaladiwa mme ba ba nang le kgatlhego ba tlhokwa gore ba ntshe mabaka gore ba tshwanela go fiwa tšhono ya go dira temothuo. Paka ya thuolefatshe e ne e rulaganyeditswe go nna dingwaga tse tharo, morago ga moo "motlhokomedi" o ne a ka reka polase fa ba itshupile go tshwanelwa ke go rua lefatshe, kgotsa motlhokomedi o ne a ka emisediwa ka 'motlhokomedi" yo mongwe kgotsa montshakuno yo o phegeletseng.
Batlhokomedi ba tsaya kgwebo e e dirang, fela go le gantsi ga ba na le kakanyo ka ga dikgwebo tsa mo polaseng.
Mo mabakeng mangwe diterekere le didiriso mo polaseng di mo maemong a a bokoa thata, kgotsa di robegile.
Fa go tliwa mo temodijalong, ditshenyegelo tsa ntshokuno ka heketara di ka nna R5000. Fa montshakuno a batla go jala diheketara tse 200, (e go ya ka mabaka a ntshokuno ya bogwebi e seng e kgolo), se se raya peeletso ya diranta di le milione o le mongwe fela ya go tsenya dijalo mo mmung (se ga se akaretse madi a a tlhokegang go tlhokomela le go baakanya diterekere le didiriso). Lefatshe ga se la montshakuno, e bile o ka tswa a se na maitemogelo a temothuo a nako e fetileng. Se se raya gore ga a kgone go fitlhelela kadimo ya ntshokuno.
A re tsee gore montshakuno o na le madi a go baakanya diterekere le didiriso le go jala dijalo. A go tlaa bo go le botlhale go dirisa madi a gago mo lefatsheng le metšhineng tse e seng tsa gago?
Mo polaseng ya dijalo, go na le didiriso tse di farologaneng di le mmalwa - go tswa go mogoma, dese, repara, ege ya dese, mogoma wa ditšhesele, setlhagodi, rotofeitara, go bala di le mmalwa fela.
Nngwe ya ditemana mo konterakeng magareng ga motlhokomedi le Lefapha la Merero ya Mafatshe e bolela gore motlhokomedi ga a tshwanela go hirisetsa montshakuno wa mogwebi lefatshe, kgotsa go dira tumelano ya ditele le montshakuno yo mongwe. Fa gape go na le kadimo ya ntshokuno, e bile o sa letliwe go lemisana le mongwe, montshakuno yo o tlaa ithuta jang le go tsena mo ntshokunong e e tletseng?
Go bonala sentle go tswa mo puisanong e e fa godimo gore maiteko a rona mo ntšhwafatsong ya kabolefatshe a na le dikgwetlho tse di masisi. Bontsi jwa mathata bo ne bo sa bonelwa pele mme maiteko a ntšhwafatso ya lephata la temothuo a ne a na le maitlhomo a mantle.
Mo Aforikaborwa re na le lemorago le le maswe le le swabisang. Fela le gale re tshwanetse go leba boammaaruri matlhong. Mo mmusong wa maloba, temothuo e ne e le mo makgoeng fela, mme ka ntlha ya se, re tlhoka go akaretsa lephata la temothuo ya bogwebi mo maitekong a go ntšhwafatsa lephata le.
Matsapa a puso a tshwanetse go gokaganngwa mme teponako e tshwanetse go nepiwa.
Ka ntlha ya dipholisi le mananeo a a fetileng, go na le diporojeke di le mmalwa tse di reteletsweng. Di reteletswe ka ntlha ya mabaka a le mmalwa (jaaka go umakilwe fa godimo). Go tlhaloganyega sentle thata gore Lefapha la Tlhabololo ya Magae le Ntšhwafatso ya Kabolefatshe le rata go tsosolosa diporojeke tseo le go busetsa lefatshe leo mo ntshokunong pele le simolola diporojeke tse dintšhwa.
Fa tsosoloso ya diporojeke tse e tshwanela go atlega, go botlhokwa thatathata gore sebako sa thetelelo se tlhaloganngwe - mme se se tlaa tlhaolegela bothata bongwe le bongwe. Go botlhofo thata fela go bua gore porojeke e reteletswe ka ntlha ya tlhokego ya madi. Ee, mo mabakeng a le mantsi, tlhokego ya madi e ntse bongwe jwa mathata, fela go gorometsa madi mo porojekeng ga go ne go rarabolola sepe e bile gantsi go tlaa tlhola dikgotlhang tse dintšhwa ka jaana batswelwamosola ba ba neng ba latlhegetswe ke kgatlhego le go tlogela porojeke, ba tlaa boa gape, ka tsholofelo ya go bona madi mo porojekeng e e tsosolositsweng.
Thusa fela batswelwamosola ba ba eletsang go nna mo polaseng. Temothuo ga se mohuta wa kgwebo o o ka o dirang nakwana (part-time).
Akaretsa batswelwamosola mo lenaneotlhabololong la katiso le bokgoni le le tsamaisiwang ke mokgatlho wa kuno wa bantshakuno wa selegae, e le gore go golaganngwe bantshakuno ba bantšhwa le lephata la bogwebi fela di tloga.
Fa re tshwanelwa ke go dira gore ntšhwafatso ya temothuo e dire mo Aforikaborwa, re tlhoka go tshwaragana, go ithuta go tshepanago kopanya lephata le go dira gore temothuo e tsee maemo a yona a a tshwanetseng jaaka pinagare ya itsholelo ya rona ya magae.
<fn>Pula Imvula. Loan.2010-07-01.tn.txt</fn>
Rotlhe re tlhoka gore ka nako nngwe re adime madi - bogolosegolo mo temothuong gompieno. Boammaaruri ke gore go batla go sa kgonagale go tsamaisa kgwebo kwa ntle ga go dirisa khepetlele e e adimilweng. Kgwetlho ke gore o se ke wa adima go feta ka moo kgwebo kgotsa papatso ya gago e ka kgonang go busa madi ka teng.
Gakologelwa fa motho a adima go le gontsi, e bile o tsaya lobaka lo loleele go busa kadimo, ditshenyegelo tsa kadimo di ya go nna kwa godimo.
Morokotso - Se ke kelo e e duedisiwang tiriso ya madi a a adimlweng. Gantsi e bonwa e le phesentheiji ya ka ngwaga ya madi a a adimilweng. Gantsi dikelo ga di a tsepamisiwa mme di ka fetoga ka ntlha ya infoleišene kgotsa dipholisi tsa mmuso.
Khepetlele - Se ke bokanakang jwa madi a a adimetsweng maikaelelo a a kgethegileng a a tlhalositsweng mo togamaanong ya kgwebo.
Kadimo ya dingwaga tse tlhano ya R100 000 e jele R130 000 fa kadimo ya dingwaga tse di lesome ya R100 000 e jele R155 000. Go mo pepeneneng gore go tlaa ja motho R24 000 go feta go adima R100 000 eo fa o fetisa ka dingwaga tse tlhano.
Gale ditogamaano tsa kgwebo di lebisitswe ka kgethego kwa go kgobokanyetseng maiteko a kgwebo matlole. Togamaano ya gago e tlaa akaretsa lenaneo la maikaelelo, ditlapele le tsa matlole go bontsha gore o sekasekile gore kgwebo ya gago e ya go nna le dipoelo le gore mo isagweng e tlaa bona mosola ofe mo kadimong. Togamaano e tshwanetse e bontshe sentle gore o ya go tsamaisa le go bopa jang kgwebo mme e kwalege ka tsela e e tlaa rotloetsang tshepo mo batlameleng-ka-matlole ba ba kgonegalang go bontsha gore o nonofile, o a kgona.
Kelelo ya madi a a seatleng e bontsha kelelo ya lotseno mo ditshupatlotlong tsa gago gammogo le ditshenyegelo tse di duelwang go tswa ditshupatlotlong tsa gago. Se se kgontsha mmeeletsi yo o kgonegang go bona gore madi a gago a tsena ka dikgwedi dife le gore dituelo tsa pusetso ya kadimo di tlaa ama jang lotseno loo. Go sa ntse go le botlhokwa thata gape gore o tlhagise tshedimosetso yotlhe go tswa ditshupatlotlong tsa gago tsotlhe - le fa di ka nna mo ditheong tse di farologaneng. Ke mokgwa wa bonweenwee go kopa go tlamelwa ka matlole mme o sa tlhagisa seemo sa matlole sa gago se feleletse.
Dibanka ga di a letlelelwa go adima batho ba go bonalang ba ka se kgone go busa kadimo. Se se sireletsa banka mmogo le modirelwa (client). Fa o retelelwa ke go duela kadimo, go bonagala mo hisetoring ya tseomolato ya gago mme gape o ka senyega leina le gore o na le mathata go ka newa molato. Ga go ope yo o batlang gore go nne jalo ka rekoto ya gagwe bogolosegolo fa o itse gore o tlaa batla go adima madi mo isagweng gape! Dikgatotshireletsego tse ke tsona tota tse di bolokileng dibanka mo Aforikaborwa mo nakong ya kwelotlase ya ikonomi ka 2009. Dinaga di le dintsi mo lefatsheng ka bophara di latlhegetswe ke dibilione gonne batho ba ne ba gaeletswe mo maanong a gore ba sa kgone go duela dikadimo tsa bona ka ntlha ya fa ba ne ba kgamegile mo ditshupatlotlong tsa dikadimo tsa bona. Molao wa Tseisomolato wa Bosetšhaba o tlhometswe go thibela batho go dirisa madi a ba se nang ona.
Go botlhokwa thata mo bantshakunong le batsamaising ba dipolase botlhe go thapa baitseanape ba ba ka gakololang ka tsa merero e e kgethegileng e e amanang le go tlamela maiteko a temothuo a bona ka matlole e bile ba tlhaloganya mokgwa o o matswakabele wa matlole a temothuo. Bantshakuno ga ba a tshwanela go iphitlhela ba ithaya ba re ba na le tshedimosetso mo mabakeng a matlole a setegeniki a a feletseng a a ka nnang le thuso mo tsamaisong ya merero ya matlole a temothuo.
Go botlhokwa gore bantshakuno, fela jaaka borakgwebo botlhe ba ba dirisang dikadimo, ba itshupe gore ba a ikanyega mo pakeng e telele mo isagweng. Fa go ka tshokane go ntse le tiego mo tuelong se se tshwanetse go buisanelwa le moadimisi nako e sa le teng gore go tle go dirwe dithulaganyo.
Peeletso efe le efe e e dirilweng ka madi a a adimilweng e ka raya ka gale gore montshakuno o dira peeletso ya jaanong ka tsholofelo ya poelo golo gongwe mo isagweng. Montshakuno o tlhoka go ipotsa gore o tlhomamisa go le kae gore peeletso e tlaa atlega mo go tliseng dipoelo tse di siameng. Go totilwe segolo jalo ya mmidi mo setlheng se sešwa se se tlang, go tlaa nna botlhokwa thata go dira dipalelo tsa gago tsotlhe sentle ka kelotlhoko, go bona gore a go ka nna le dipoelo go jala mmidi ka tlhotlhwa ya gajaana ya mebaraka le sebopego sa ditshenyegelo. Ga go botlhale go tlaleletsa mo bothateng jwa tlamelo e e feteletseng jaaka go ntse gajaana gonne se se tlaa raya gore re ka nna le bothata jwa go diga tlhotlhwa go ya pele - bogolosegolo fa re ka nna le thobo ya pholo ya dijalo mo go 2010 - 2011. Gape go tlaa bo go sa supe kakanyo ya bogwebi e e siameng go adimela maemo a a masisi jalo madi.
Mabaka a matlole ka gale a matswakabele e bile ka gale ga se nngwe ya dintlha tse di monate mo tsamaisong ya kgwebo ya gago. Bantshakuno ba bantsi ba ipatla kwa ntle kwa ba baakanya diterekere tsa bona, go na le go nna fa tafoleng ba tobetsana le khalekhuleitha. Fela le gale, go itlhokomolosa dintlha tsotlhe tsa tsamaiso ya matlole go ka raya gore fa gautshwane go tlaa bo go se na terekere go baakanngwa le polase go dira temothuo! Bantshakuno ba tlhoka gore ka dinako tsotlhe ba nne le pono e e tlhapileng ya seemo sa matlole sa bona e bile ba se ke ba bo ba okaoka go thapa moitseanape fa go tlhokega.
<fn>Pula Imvula. PestMaize.2010-03.tn.txt</fn>
Go itemogelwa ditatlhegelo tse di kwa godimo ka ntlha ya tlhaselo ya sebokophetlhi.
Puo ya kakaretso ke gore sebokophetlhi sa mmidi se tlhola tatlhegelo ya 10% ka ngwaga ya sejalo sa mmidi, fêla tatlhegelo ya sejalo sotlhe e ka diragala.
Dibokwana tse di godileng di ya phuku mo dikutung tsa dirite tsa mmidi mo marigeng jaaka mokone.
Sebokophetlhi sa mmidi ke sesenyi se se fitlhelwang ka gale koo mmidi o lengwang teng mo Aforika - sesenyi se ke semelafa sa Aforika mme mefuta ya majang e mentsi e tshegetsa modikotshelo wa sona.
Puo ya kakaretso ke gore sebokophetlhi sa mmidi se tlhola tatlhegelo ya 10% ka ngwaga ya sejalo sa mmidi, fela tatlhegelo ya sejalo sotlhe e ka diragala. Dibokwana di ja matlhare, lotlhaka le diako tsa semela sa mmidi.
Go tlhaloganya dintlha tsa botlhokwa tsa modikotshelo wa sesenyi go botlhokwa go go kgontsha go tsaya ditshwetso tse di botlhale mo taolong ya sona. Dibokwana tse di godileng tsa sebokophetlhi sa mmidi di itshuba jaaka mokone mo dikutung tsa dirite tsa mmidi tse di setseng mo tshimong mo pakeng ya mariga. Tsona di tlaa tswelela go gola go nna losika lwa ntlha lwa mmoto go baya mae a a tlaa thuthusiwang morago ga malatsi a supa go ya lesome.
Dibokwana tse di thuthugileng di ja nako ya dibike di le thataro mme morago ga moo di fetoge mokone gona mo kutung ya semela sa mmidi. Morago ga dibeke di le tharo losika lwa mmoto lwa bobedi le tlhagelela ka dipalo tse dintsi go feta segopa sa ntlha kgotsa sa boraro le segopa sa bofelo.
Go ya ka tsa kgwebo go na le dikgato di le mmalwa tsa taolo ya sebokophetlhi. Tsona ke taolo ya sekhemikale, tlhopho ya mofutapeo, mekgwatiriso ya setso le taolo ya sebaeloji: Dikgatotaolo tse ga di tlhomamise gore taolo e tlaa nna 100%, fela di thusa go fokotsa tlhaselo le go kgontsha ntshodikuno ya mmidi e e tswelelang.
Dikhemikale tse di kwadiseditsweng go laola sebokophetlhi sa mmidi di aroganngwa ka dibolayasenyi tsa kamano kgotsa tsa monyelo.
Megopolo ya gore dikuno tse di turang di nonofile thata go na le tse di tlhotlhwautlase ga se boammaarri ka gore dikuno dingwe tse di tlhotlhwatlase di tlamela ka taolo e e gaisang thata. Polelo ya gore taolo e ka tshwarelela boleele jwa dibeke tse thataro le yona e a belaetsa. Ka ntlha ya ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa taolo ya sekhemikale, balemi ba tshwanetse go netefatsa gore tepo ya tshelo e nepagetse. Kgatsho e e kelotlhoko ya thibelo, e sa le e supile bogologolo gore ga e a nonofa, mme ga e atlanegisiwe. Taolo ya sekhemikale e tshwanetse go akanngwa fela fa 10% ya tshimo e na le ditshupo tsa tlhaselo e e ikepelang jaaka "tshenyo ya sefako", le foo dibokwana di ntseng di iphepa ka matlhare.
Mo go diriseng 10% ya boleng jwa mapalamo le gona go dumelana le tepo e e nepagetseng ya tshelo ya sebolayasenyi. Tshelo e le nngwe fela e ka tswa e sa lekana ka gore tlhaselo e ka ipoeletsa moragonyana. Mo bofelong jwa setlha jaaka jaanong jaana go botlhale go tlhatlhobela dibokwana tse dinnye fela fa pele ga go ntsha lefetlho. Fa dibokwana tse dinnye tse di sa laolwe di ka rwala maikarabelo a nyeletso ya diako e e feletseng. Taolo e e siameng e ka fitlhelelwa go fitlha ka 50% ya go ntsha lefetlho.
Tlhagiso ya mefutapeo ya mmidi wa Bt, e fokoditse tlhokego ya taolo ya dibolayasenyi ka kemelano ya mefutapeo e e nang le lotso lo lo kgatlhanong le tlhaselo ya sebokophetlhi. Lotso lo lo tlhotlhola ntshodikuno ya botlhole jo bo leng kotsi mo dibokwaneng.
Go thibela tsweletso ya kemelano, ditaelo mabapi le phesente ya mmidi o o seng wa Bt go jalwa mmogo le mmidi wa Bt, di tshwanetse go latelwa ka botlalo. Ga se mofutapeo yotlhe e e nang le lotso lwa Bt e e nang le kemelano e e lekalekanang kgatlhanong le tlhaselo ya sebokophetlhi mme se se tshwanetse go tsewa tsia fa go tlhophiwa mefutapeo ya setlha sengwe le sengwe.
Bantshadikuno ba tshwanetse ba lemoge paka ya malatsi a a lesome ka nako ya go ntsha lofetlho fa dibokwana tse dinnye di ka iphepa ka maledu. Ka nako e botlhole jo bo mo maledung bo tlhaologile ka ntlha ya diteng tse di kwa godimo tsa metsi a ona go go tlholang gore dibokwana dingwe di falole. Tshenyo ya Lotlhaka ka ntlha ya difalodi tse e tlaa bonala ka nako ya thobo, fela ka gore tshenyo e diragetse moragonyana mo pakakgolong, e tlaa nna le kamo e nnye mo thobong. Dibokwana tse di tlaa nna ditsalwapele tsa segopa sa mmoto sa ntlha sa setlha se se latelang. Fa o tshwanela go tlhopha magareng ga taolo ya sekhemikale kgatlhanong le mefuta peo ya Bt, ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa mefuta peo ya Bt, di tshwanetse go tsewa tsia.
Go ribega mo marigeng go go tlholang gore dirite di tlogelwe mo boalogodimong go tlaa thusa go fokotsa tlhaselo ya sebokophetlhi mo setlheng se se latelang ka go senolela mekone serame sa mariga le baba ba tlholego ba yona, se se tlhole phokotsego ya palopalo ya disenyi. Go lema le kwa bofelong katelo e e kwa botennye ya dirite go tlaa thibela meboto go tlhagelela mo setlheng se se latelang.
Diparasite tse di jang mokone le mae a teng, di teng, fela nonofo ya tsona ga e na boleng bope jwa bogwebi. Bojang jwa Napier jo bo jalelwang go nna moamogelamoeng yo o eletsegang mo mmiding bo dirisiwa jaaka tselataolo mo balemipotlaneng. Fela le gale ga go na lebaka la gore go reng balemi ba kgwebo ba ka se ke ba dirisa mokgwatiriso o ka gore bojang jwa napier ke dijo tsa loruo tse di gaisang mo polokong. Ditsela tsa taolo tsa setso le sebaeoloji ga di a nonofa sentle go na le taolo ya sekhemikale le tiriso ya thekenoloji ya Bt.
Ke lebaka le le ultwalang gore go itemogelwa ditatlhegelo tse di kwa godimo ka ntlha ya tlhaselo ya sebokophetlhi. Dikgatotaolo le tsamaisodijalo e e siameng di botlhokwa thata go fokotsa ditatlhegelo.
<fn>Pula Imvula. PlanningMaize.2010-06.tn.txt</fn>
Ka bonako fela fa dijalo tsa setlha se se fetileng di sena go kotulwa kgotsa go simolola thulaganyetso e e feleletseng ya setlha se se siameng. Ke nako e e siameng go sekaseka gore go diragetseng mo setlheng se se fetileng le go tlhatlhoba dintlha tse di farologaneng tsa tsamaiso le ntshokuno tse di ntseng le seabe mo go tlhomamiseng boleng le pholo ya bofelo ya dijalo. Fa go se na direkoto tsa histori tse di kwadilweng tsa tshimo nngwe le nngwe, jaanong ke nako e e siameng go dirisa dipalotshedimosetso tsa ngogola go simolola thulaganyo ya botsholarekoto.
Direkoto tsa motheo tsa dintlha tsa popego tse di latelang tsa masimo di tshwanetse go bolokwa le go tlhabololwa ngwaga le ngwaga: leina la polase, sedika sa polase, palogotlhe ya kgaolo, dikgaolo tsa lefatshe la temo, lefatshe la phulo, mafulo a a jetsweng a a tokafaditsweng, nosetso, bonno, mabolokelo le dikago tsa mo polaseng.
Tshimo nngwe le nngwe mo polaseng nngwe le nngwe e ka bewa leitlho ka ditsenngwateng tsa popego tse di latelang: kgaolo ya masimo, boteng jwa mmu, mofuta wa mmu, monono wa mmu, diphetogo tsa seemo mo dingwageng di le mmalwa, (fa di le teng go tswa dipholong tsa diteko tse di fetileng), thefosanyo ya dijalo le thulaganyetso ya thefosanyo ya dijalo, dijalo tse di jetsweng la bofelo (go akaretsa le matlha a go jala), mofutapeo, kelotlhogo, palogare ya go na ga pula, pula e e amogetsweng ka paka ya go sa lengwang pele ga sejo sengwe le sengwe se jalwa, pula e e amogetsweng ka paka ya kgolo, taolomofero e e dirisitsweng (go akaretsa dikhemikale le dikelotshelo tse di fitlheletsweng le nonofo ya tsona), dibolayasenyi tse di dirisitsweng le nonofo ya tsona, pholo le boleng jwa thobo.
Tshenyegelo ya menontsha ke nngwe ya ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tsa tlhamalalo tse dikgolo mo lenaneong la bojaladijalo. Tshelo e e nonofileng ya lenaneonontsho le le rulaganeng mo sengweng le sengweng ka go latelana e tlaa tlhomamisa ntshokuno e e kwa godimo ya thobo e e kwa godimo. Go botlhokwa thata go itse seemo sa kwa godimo gammogo le pula e e fetileng e e amogetsweng mo dikgaolong dingwe tseo di ka bong di monyetse dikotla tsa dimela tsa botlhokwa di le mokawanyana. Tshetlhafalo ka ntlha ya tlhaelo ya naeterojene le salefa e tlhageletse sentle mo didikeng tsa temothuo di le mmalwa mo setlheng se se fetileng seno. Mo ntlheng ya dijalo tse di magareng tse di fa godimo, dikotla tse di tlositsweng di tshwanetse go busediwa go netefatsa gore dijalo tse di latelang di ka fitlhelela thobo e e solofetsweng.
Mabapi le se, dikaommu di tshwanetse go tsewa mo tshimong ya selemo nngwe le nngwe e e tla tsenngwang mo ntshokunong le go romelwa ditekelelong. Fela fa tshwetso e setse e tserwe gore ke dijalo tse dikgolo dife tse di tshwanetseng go jalwa magareng ga mmidi, disonobolomo, dinawa tsa soya, mabele, matonkomane, ditapole, dinawa tse dikima kgotsa sejalo sefe le sefe fela, dipholo tsa diteko di ka dirisiwa go rulaganyetsa dilekanyo tsa monono tse di kwa godimo tse di tlhokegang go fitlhelela thobo e e nang le dipoelo ya sejalo sengwe le sengwe. Sejalo sengwe le sengwe se tlaa tlhoka katlanegiso ya nontsho e e farologaneng. Ditlhotlhwa tsa mebaraka tsa isagwe le taolo ya mathata di tlaa tlhomamisa gore ke motswako wa dijalo dife o o tlaa tshwanelang bolemirui jwa gago.
Go tshwanetse go latelwe ditshwetso di le mmalwa go netefatsa gore lenaneotekelelo la llaeme le nontsho le tlaa bo le tshwanetse tiro ya temothuo ya gago. Se se akaretsa go phutha le tlhokomelo ya dikaommu, ditsela tsa tekelelo tse di tshwanetseng, dikaelo tse di batlisisitsweng sentle tsa tlhaloso ya dipholo, tsweletso ya dikatlanegiso tsa kelo ya dikotla e e nepagetseng le kopakopanyo ya ditlhokego tsa dikotla tsa dijalo tse di atlanegisitsweng go nna lenaneo la tsamaiso la dikotla le le akareditseng.
Maitlhomo a tekelelo ya mmu ke go fopholetsa kgono ya mmu go tlamela dijalo tse di golang ka dikotla tse di tlhokegang le go upolola mathata a mmu mangwe le mangwe a a ka kgoreletsang kgolo le tswelelo ya dijalo e e nonofileng. Tekelelo ya mmu ya diteng tsa mmopa gape e letla tshelo ya kelo ya sebolayatlhatshana e e nepagetseng mo lenaneong la taolomofero.
Go botlhokwa go tsaya sekao se se nang le kemelo e e lekaneng mo tshimong nngwe le nngwe. Sekao sa bofelo se se rometsweng kwa laboratoring se ka nna bokete jwa 0,5 kg se digeramo di se kae tsa sona fela di ka sekasekwang. Ka jalo go botlhokwa thata go beela thoko masimo a boteng jwa mmu jo bo farologaneng le mefuta ya mmu mo dikgaolong mo masimong a a sa emeleng tshimo yotlhe. Tekelelo e siame fela go ya ka fa sekao se se phuthilweng mo tshimong. Gakologelwa gore go na le pharologano e kgolo thata mo mmung mo masimong. Mo nakong e e fetileng sekao se se tserweng mo diheketareng di le lesome dingwe le dingwe tsa boloko ya masimo se ne se tsewa se lekane. Fela malatsing ano go botlhale go reka kgotsa go adima boro ya mmu mme o tsamae ka go kgabaganyetsa kwa le kwa go ralala tshimo go tswa godimo go ya tlase ka batho ba le babedi, mongwe a tshotse kgetsana ya sekao sengwe le sengwe, le go tsaya pelo ya boteng jwa magareng ga 15cm le 20cm, fela e seng go feta 20cm.
Fa go dirisiwa kgetsana e kgologolo ya monontsha, netefatsa gore e tlhanolotswe gonne tlhaka nngwe le nngwe ya monontsha e lekane go tlhotlheletsa dipholo. Go ka epiwa mesima e mentsi ka fa go ka kgonegang ka teng, sekao dimitara tse 100 go ya 200 dingwe le dingwe; fa o tsamaya o nyokanyokela. Tsaya dikao magareng ga mela e mebedi e e jetsweng ya dijalo tsa nako e e fetileng gonne kgaolo eo go neng go le dimela di le mmalwanyana e ka bonala e le kgaolo ya monono o o kwa godimo. Sekao se se kopantsweng se jaanong se ka tswakanngwa sentle thata mme ga tsewa sekao sa digeramo tse 500 go tswa mannong a a farologaneng mo kgetsaneng gape mme sa tsenngwa mo lebokosong le le neetsweng ke laboratori ya tekelelo go netefatsa gore kemedi e e lekalekanang e romelwa kwa laboratoring.
Lebokoso la sekao le tshwanetse la bo le tshwailwe sentle le nomore ya tshimo, leina, aterese ya polase, dinomore tsa mogala le letlha la tseosekao go efoga tlhakatlhakano e e ka nnang teng mo laboratoring. Gantsi go botoka go feleletsa se gona fa tshimong gore go se ke ka gope ga nna le tsiakanyo ya dikao.
Fa karolo nngwe ya tshimo e ntsha kgolo le thobo e e bontle bo bo boitshegang, go gakololwa gore go tsewe sekao se se fa thoko sa tshimo e. Sekao se, fa se tshwantshanngwa le sekao se se bogare, se ka dirisiwa go senola go sa lekalekaneng ga monono go go kgethegileng mo bolokong joo, jo jaanong bo ka rarololwang le go baakanngwa.
Dikao tsa mmu ga di a tshwanela go tsewa mo mafelong a a sa tlhamatshegeng jaaka masimomagolo, diforo tse di suleng, dikgaolo tsa bobolokelo tsa furu e e kobetsweng, makgabana a a kwa tlase kgotsa dikgaolo tse di gogolegileng.
Gajaana go a kgonega ka setegeniki go dirisa Global Positioning System (GPS) go tlhaola dintlha mo thulaganyong ya diboloko mo sekgaleng sa 0,5m go ya 4m ya dintlha tsa makgabaganyo tsa thulaganyo ya diboloko kgotsa ya phatlalatso ya dikao mo thulaganyong ya dibolokonyana. Jaanong di ka nna tsa nna tsa tshwantshanngwa gangwe le gape mo isagweng mme diphetogo tse di farologaneng tsa dintlha tsa monono wa mmu di ka kgona go bewa leitlho mo tsamaong ya nako. Dipholo tsa deitha di ka fitlhelelwa ka Ground Information System (GIS) gore go ntshiwe karata ya mmala o o lekalekantshitsweng ya mmu e e supang pH, khalesiamo, makenesiamo, fosefeite, salefa, dikotlannye tsa naeterojene le dipharologantsho tsa teko ya mmu tse dingwe, e e nayang kgatisopono ya pharologantsho kgotsa bogolo jwa bothata jo bo rileng mo tshimong. Mo dikgaolong tse dintsi disenthaphaefote di beilwe leitlho ka mokgwa wa dibolokonyaneng ka heketara go ya ka boloko.
Nako e e gaisang ya go tsaya sekao ke fa o na le nako ya go dira tiro e e maatlametlo, fa o ka kgona go atlhola ka matlho mo kgaoganyong ya tshimo go ya ka dikgaolo tsa tseosekao tse di tshwanang le ka nako e e tshwanang le yona eo ngwaga le ngwaga morago ga thobo kgotsa mo ntlheng e e tshwanang mo thefosanyong ya dijalo. Go thusa ka gale go romela dikao kwa laboratoring fa ba sa kgangwe ke tiro. Semphete-ke-go-fete wa setlha sa selemo se se tlang, o nna ka gale mo go Lwetse le Diphalane ngwaga le ngwaga. Togamaano e dirwe ka nako go kgona go dira thulaganyo ya kgwebo e e duleng diatla le go golagana le bagakolodi ba ba dirang dikatlanegiso tsa monontsha.
Mo dipharologantshong tsa mmu tse dintsi tse di tlaa tlhatlhobelwang fosefeite (P), potasiamo (K), dibodi le pH, dikaommu le dikotlannye di tshwanetse go tsewa mo botennye jo bo tshwanang jwa 0cm - 15cm. Go ya fela ka go lotagana ga bogodimo jwa mmu, dipholo tsa botengtekelelo jo bo nang le bokao o ka tsewa go tswa 0cm - 20cm.
Tlhola gore kgetsana ya sekao nngwe le nngwe e supa sentle tshimo e se tserweng mo go yona mme e na le nomore ya yona e e tlhaolegileng. Dikgetsana di tshwanetse di tswalwe thata, di se bewe mo mogoteng o montsi mme di nne mo karolwaneng e e tsiditsana, mme di romelwe ka bonako fela morago ga go tsewa.
Bobotlana jwa didiriso tse di tlhokegang mo go tseeng dikao ke mmepe wa polase, ditshupetso tsa GPS (fa go tlhokega), diboro tsa mmu tse di nepagetseng, kgotsa digarawe (fa go ka tswelediwa boteng jo bo tshwanang), dikgetsana tsa dikao tse dikgolo, dikgetsana tsa laboratori tsa mmu, dipene go tshwaya dibokoso le direkoto tsa masimo tse di kwadilweng.
Dilaboratori tse di babalesegileng go dirisiwa ke tse di sa amaneng le setlamo se se rileng sefe kampo sefe - dipholo tse di duelelwang ke montshakuno ka jalo di nna thoto ya montshakuno. ARC e na le dilaboratori tse di siameng thata di le mmalwa tse di ka diresediwang lebaka le. Sebe sa phiri, ditlamo dingwe tsa monontsha di dira ditshekatsheko mahala, mme ba dumela go gololela montshakuno dipholo fela fa a reka monontsha mo go bona.
Dilaboratori tse dintsi di na le diroto tsa motheo tsa ditekelelo tse ka tlwaelo di dirwang jaaka tekelelo e e tlhomameng ka tlhotlhwa e e utlwalang fa e lekalekanngwa le bomosola jwa dipholo.
Go atlanegisiwa go kopa ditekelelo tse di latelang tse di naneofaditsweng fa tlase gore moitseanape wa temothuo kgotsa mogakolodi a kgone go ka naya kgakololo e e nang le bokao morago ga go sekaseka dipholo tsa ditekelelo tsa mmu gammogo le kanaanelo ya masimo mo polaseng ya gago le tikologo ya setlelaemete eo mo polaseng ya gago e leng mo go yona. Ditekelelo tsa pH, P, K, Ca, Mg, Na le phesentheije ya tlopelego ya esete go tlhakana le tse di latelang, tse di tlhokang kopo e e tlhaolegileng, S(fa laboratori e na le didiriso go tlhatlhobela se), Zn (HCL), phesentheije ya mmopa le ditlhokego tsa llaeme, ke jona bonnye jo bo tlhokegang.
Gale go na le ditshenyegelo tse di amanang le tshekatsheko ya dikaommu fela gakologelwa gore ka go dirisa diranta tse di makgolo a le mmalwa go ka go bolokela dikete tsa diranta mo ntshokunong ya dijalo. Go botoka go tsaya dikao ngwaga le ngwaga go na le go boloka madinyana a mannye mme gongwe o dirisitse mofuta kgotsa selekanyo sa monontsha se se fosagetseng.
<fn>Pula Imvula. PoliticiansMaize.2010-05.tn.txt</fn>
Letsatsi le bantshakuno ba buisaneng le boradipolotiki...
Byline: Jenny Mathews, Modulasetulo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA.
Photo: Mohna, Jane McPherson, Dr Willie Kotzé, Moss Malo, Monica Mpetshu-Matamba, Tom Gwala, Samuel Moloi, Elias Monaisa, William Matasane, le Moh Jenny Mathews ba ne ba tsenetse Khonferense ya Dikuno le Tlhabololo ya Balemirui ya Agri SA kwa Cape Town gautshwane.
Setlhopha sa Tlhabololo ya Balemirui sa Grain SA se ne se tsenetse Khonferense ya Dikuno le Tlhabololo ya Balemirui ya Agri SA, e e neng e tshwerwe 25 le 26 Tlhakole, 2010, kwa Cape Town.
Go setse go tlhobaetsa thata mo go tlhokegang gore re tsepamise kgopolo ya boradipolotiki mo tlhobaelong ya seikonomi e e lebaneng temothuo mo Aforikaborwa gonne ga re ka ke ra tswelela go nna re jala dijalo tse di sa tliseng dipoelo - mme e bile go boammaaruri gore ga go ne go thusa tirego ya phetogo le ntšhwafatso ya thuolefatshe ka go bona tlhomo e e atlegileng ya bantshakuno ba bantšhwa mo dipolaseng tsa bona fa ba sa kgone go gola ka go bona dipoelo tsa bona go yeng kwa go nneng bantshakuno ba ba itshegeleditseng ba bogwebi ba ba kgonang! Ka jalo bantshakuno ba ile Cape Town ka tsholofelo ya go reediwa ke boradipolotiki. Ba ne ba le teng - le rona re ne re le teng!
Setlhopha sa Tlhabololo ya Balemirui sa Grain SA se ne se laleditswe go supetsa ditshwantsho le diselaete tsa tiro e ba e dirang mo nageng ka bophara mme Maize Trust e ne e etleeditse leeto la go ya Cape Town la setlhophakemedi sa bantshakuno ba ba tlhabologang ba le supa. Kemedi ya rona e ne e emetswe ke Monha Jane McPherson, Dr Willie Kotzė, Moses Malo, Monica Mpetshu-Matamba, Tom Gwala, Samuel Moloi, Elias Monaisa, William Matasane le Moh. Jenny Matthews.
Tona Tina Joemat-Peterson o ne a le sebui sa tlotlego mo letsatsing la ntlha la khonferense. Tona o amogetse sentle seabe sa mekgatlho ya dikuno mo tlhabololong ya lephata le le "fitlheletseng gore bantshakuno ba bagwebi ba tataise ka botswapelo balekane ba bona ba ba golang le go arogana bokgoni le kitso ya botlhokwa le bona." O netefaleditse baemedi gore tlhabololo ya mafelomagae le ntšhwafatso ya thuolefatshe ke dikgaolo tsa ditlapele tsa maikemisetso a puso le gore tshireletsego ya dijo le tlholo ya ditiro ke dintlha tsa tsepamisokgopolo. O tshwaetse ka gore ntlhakabelelo ya go tlhola ditiro e tlhaelela kgakala mme se se tshwanetse go tlhokomelwa thata. Lefapha la gagwe gape le tlaa bo le tsepamisitse mogopolo mo tlhabololong ya boradipoloto le bantshakuno ba bagwebi fa ka fa go le lengwe a amogetse gore go ntse le kwelotlase ya peeletso mo lephateng, ka jalo ga jaana mmuso o rulaganya peeletso ya mafaratlhatlha mmogo le Lefapha la Dipalangwa. Gape o rile ba lemoga mathata a a tlhagelelang ka ntlha ya gore bantshakuno ba rona ba ba amogelang thuso e potlana kgotsa ba sa amogeleng thuso epe gotlhelele, ba kampane le go gaisana le bantshakuno ba bangwe ba dinaga tse di tlhabologileng ba ba amogelang diketleetso tsa puso. Mathata a a tsweletseng go tswelela a tlhaelo ya khepetlele le bothata jo bo golang jwa koketsego ya ditshenyegelo tsa ditsenngwateng, tse di tlhotlheletsang go dika ga masimo a mantsi, a sa lengwa a tlogetswe fela, ke mabaka otlhe a badiramaikemisetso ba a itseng mme go solofediwa kemonokeng e e oketsegileng go boradipoloto le bantshakuno ba bantšhwa.
Mo puong ya gagwe Tona o rile lefapha le ikaelela go thusa bantshakuno go efoga go jewa ka dithulaganyo tse di farologaneng tsa kemonokeng mo go bona fela o rile bantshakuno ba tlaa newa fela paka ya kutlwelobotlhoko ya dingwaga tse tharo nako eo mo go yona ba tlaa tlhokang go bontsha gore dikgwebo tsa temothuo tsa bona di mo maemong a a lolameng. Se ke sesupo se se rotloetsang sa maipofo go tswa mo mmusong fela tlhobaelo ke gore fa bantshakuno ba sa ntse ba ise ba kgone go jala dithoro dipe kgotsa dipeo tsa oli ka poelo, itshegeletso ya pakatelele ya bona e mo kotsing.
Tona o rile bontshakuno jwa temothuo bo ntse bo wela tlase ka monokela e bile Aforikaborwa o reka dikuno tsa temothuo go tswa ntle ka bontsi jo bogolo. Go ka bodiwa potso: Go reng re romela teng dikuno tse bantshakuno ba rona ba ka bong ba di jala mo mebung ya rona re dirisa ditlamelo tsa dithoro tsa rona le go tlamela ka ditšhono tsa ditiro Thomeloteng ya nama ya kgomo, nama ya mohungwana, nama ya koko le mae e bonala e oketsega. Se se raya gore re duelela bantshakuno ba boditšhaba kuno e e tlametseng bagabona ka ditiro mme o dirisitse ditlamelo tsa bona tsa dithoro. Diromelwateng tse gape di raya gore re dirisa madi a a seatleng (cash flow) a rona ka kwa ntle ga melelwane ya rona go na le go a tshola mo teng ga naga ya rona go tswela motseletsele wa boleng jwa ditsatemothuo le go rotloetsa ikonomi ya mafelomagae?
Rre Gugile Nkwinti Tona ya Tlhabololo ya Mafelomagae le Ntšhwafatso ya Thuolefatshe, o ne a le sebuisegolo mo letsatsing la bobedi, le le neng le tsepamisitse mogopolo mo dintlheng tse di amanang le bantshakuno ba bantšhwa. O rile o dumela gore go go tshwanetseng go dirwa go sa le gontsi go netefatsa phetiso e e atlegileng ya lefatshe gape le gore bantshakuno ba bantšhwa ba ba setseng ba le mo dipolaseng ba tlhoka go newa tseotsia e e kgethegileng; mo kgaratlhong ya go bona katlego. Tona Nkwinti o amogetse gore temothuo e e rulaganeng e na le seabe sa botlhokwa thata mo tataisong le katisong ya bantshakuno ba bantšhwa. Kemedi ya Grain SA e ne ya bona tšhono ya go bua ka maparego a mantsi mo katlegong ya yona mme ba ne ba buelela bontsi fa ba ne ba bua ka tlhaelo ya phetiso ya lefatshe gonne go fa lefatshe fela ga go a lekana, mme ba rile molebo o o akaretsang mo polaseng nngwe le nngwe o tlhoka tlhabololo le kemonokeng mo pakeng e e atolositsweng. Sekgoreletsi se sengwe ke dipolase tsa ditlhopha/morafe, tseo gantsi go feleletsang e le bantshakuno ba ba mafolofolo le boineelo ba se kae ba direlang bajaboswa ba ba setseng ba e leng "bomajafela" kgotsa "boJan-eet".
Tona o ne a itumeletse bogolo jwa tiro ya Grain SA mo go maswe mo o neng a kopa go kopana le kemedi ya teng, se se solofetsang go tlisa lefapha la gagwe mo tshwaraganong e e tiileng le setlhopha sa Grain SA mme re sa ntse re na le tsholofelo ya gore se se tlaa nna le tshusumetso e e siameng mo isagweng.
<fn>Pula Imvula. ProfitMaize.2010-05.tn.txt</fn>
A bantshakuno ba tshwanetse go bo ba dira dipoelo?
Byline: Jenny Mathews, Modulasetulo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA.
Bantshakuno ba le bantsi ba ka bua gore poelo ga se lone lebaka fela la go dira temothuo. Ba rata lefatshe le diphatlha tse di bulegileng thata, kgotsa ba itumelela kemonosi e temothuo e ba nayang yona go tswa go dipopegotheo le maikemisetso a ofisi le setlamo. Fela gape bantshakuno ga ba kitla ba ganela gore dipoelo di botlhokwa mo kgwebong ya bona ka ditsela tse di farologaneng tse dintsi.
Sa ntlha poelo ke sesupo sa katlego ya ditiro tsa montshakuno mme, go ikaegilwe ka dipoelo, montshakuno o kgona go rulaganyetsa katoloso kgotsa ditlhabololo, tse di tlaa tokafatsang katlego ya gagwe ya pakatelele. Dipoelo gape e sa ntse e le tuelelo ya setlha sa go dira ka natla. Fa montshakuno a kgona go lekanya dipoelo tsa sematlole tse di siameng mo peeletsong ya matlole ya ntlha ya gagwe mo polaseng, di kopanngwa le tiro le tsamaiso ya gagwe mo setlheng sotlhe, o tia moko go beeletsa gape mo kgwebong ya temothuo.
Bantshakuno botlhe ba itse ka mathata a a fitlhelwang mo temothuong. Mo Aforikaborwa re ka tlhaselega bonolo ke maemo a loapi a a fapaaneng, mme go na ga pula go go sa lekalekaneng le go sa ikanyegeng go dira gore lephata la temothuo le tlhaselwe bonolo ke ditshwaetso tsa komelelo. Mathata a a a itsege, mme bantshakuno ba ba leng batsamaisi ba ba nonofileng ba ithulaganyetsa le go ipaakanyetsa dikgonagalo tseno ka fa ba ka kgonang ka teng.
Go na le dintlha tse montshakuno a ka di laolang jaaka go diragatsa mekgwa ya "tiragatso e e gaisang" ya balemirui: paakanyommu le mananeo a monontsha, go nosetsa masimo fa go kgonegang, theko ya peo ya boleng le monontsha le taolo ya mofero le disenyi e e nonofileng mo setlheng sotlhe. Ntlha e nngwe ya bolemirui e e laolesegang ke kitso ya montshakuno. Bantshakuno ba bantsi ba simolola ka thuto ya motheo mme ba amogela katiso ya temothuo e e kgethegileng go tswa dikholetšheng kgotsa dikhoso tse dikhutshwane jaaka tse di bonwang mahala ka Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA. Go ithuta ka maitemogelo le gona go na le seabe sa botlhokwa mo botshelong jwa montshakuno ka gonne o itse go itse polase ya gagwe le matswakabele a yona.
Bothata ke gore temothoro e itemogela tlalelo ya poelo ya gajaana! Ga go ise ka gope go jala sejalo go tlhoke bokao jaaka jaanong jaana. Montshakuno gajaana, jaaka go ise go ke go diragale pele, o rwele maikarabelo a go tsamaisa kgwebo ya gagwe ka kelotlhoko go bona katlego, mme se se raya gore o tshwanetse gore ka dinako tsotlhe a bo a tshwaragane le ditshenyegelo tsa kgwebo ya gagwe mme a tshwantshanya kgono ya kamogelo ya kgwebo e e farologaneng nngwe le nngwe kgotsa tiro ya mo polaseng, le kgono ya thobo go tswa ditirong tsa mo polaseng tsa gagwe. Ga go a lekana go nna fela montshakuno yo o siameng yo o itseng go bereka mmu ka matsetseleko, makheneke yo o tlhotlhwa kgotsa morui yo o manontlhotlho - ke go feta moo!
Jaaka bantshakuno, a re tlhantlhetse kgotsa a re tsamaisa kgwebo e e nang le poelo?
Matshosetsi a magolo thata mo katlegong ya ditiro tsa bolemirui ke se ka dinako dingwe se bidiwang "bosetlhogo jwa potlako" (the tyranny of the urgent). Se, ke bomadimabe, ka ke karolo e e tletseng ya mokgwatshelo wa bolemirui, e ka dinako dingwe e nang le go leka go kgona ka letsatsi le letsatsi go kampana le ditlalelo le dipatlego tsa letsatsi le lešwa lengwe le lengwe, se e nne tsela e dilo di dirwang ka yona. Go tsenya tlhogo thata mo mabakeng a a letsatsi le letsatsi go ka nna kotsi mo go itshetseng ga pakatelele ga kgwebo ya bolemirui fa go tlhola gore montshakuno a tlhokomologe ntlha ya togamaano le tsamaiso tse di masisi tsa bolemirui.
Tsamaiso ya polase ke tiro e e rileng e e amanang le togamaano le thulaganyo. E batla nako le boikgapo go na le go nna fela le "maikutlo a a siameng". Montshakuno wa nnete mongwe le mongwe o na le maikutlo a a siameng fa diterekere tsa gagwe di siametse go taboga mo mebung e e letileng le e e nonneng - fela seo ga se ka metlha selo se se siameng go se dira! Sekao, setlha sa 2010 - 2011, balemi ba mmidi ba tshwanela go akanya ka kelotlhoko gore a go jala mmidi go tlaa ba tswela mosola gonne baitseanape ba tsa ikonomi ba Grain SA ba akanya gore tlamelo e e feteletseng ya gajaana ya dithoro e tlaa gatelelela ditlhotlhwa kwa tlase mme melapoelo e tlaa nna kwa tlase thata kgotsa e tlhokafale gotlhelele kwa ntle ga gore sengwe se se boitshegang se diragale go fetola setshwano se.
Montshakuno mongwe le mongwe o tlhoka go dirisa nako go dira dipatlisiso ka kgono ya polase ya gagwe. O sekaseka masimo a gagwe, maemo a matlole a gagwe le mathata (risks) a o ka kgona go a emela, badiri ba a tlaa ba tlhokang le gore ba tlaa mo ja bokae mme gape a akanye ka dikgono le maatla a gagwe. Tiriso e ke ka go baya tiragatso ya seikonomi go nna ya ntlha le go dira selo se se gaisang e le go netefatsa go ka bona poelo e e kwa godimodimo ka fa go ka kgonegang. Gakologelwa gore dipoelo di kgontsha go tshela!
Ke dijalo dife tse di farologaneng tse ke yang go di ntsha Ke ya go jala metswako efe Ke bokanakang jwa polase jo bo siametseng jalodijalo sentle Ke na le kgonophudiso e e kana kang ya loruo A go na le tirego nngwe e e ka tshwanelang polase e, e nka e dirisang go tlaleletsa boleng mo dingweng tsa dikuno tse ke di jalang?
Ke ya go jala jang dijalo tse A ke letlega go bona kemonokeng ya ntshokuno nngwe A dibuka tsa me di ntse di tshotswe sentle ka nepo A di tlhomamisetsa motlamelakamatlole yo o kgonang gore ke moporofešenale le go tshepega A ke tlhoka go batla kgotsa go hira diterekere, didiriso le dilwana dingwe Ke dintlha dife tse di ka tlhotlheletsang ditshenyegelo tsa me tsa ditsenngwateng?
Grain SA e na le boraikonomi ba ba beileng go wa le go tlhatloga ga ditlhotlhwa leitlho gammogo le metsamao ya mebaraka mme ka bonako jo bo kgonegang ba sedimosetsa bantshakuno mabapi le diphetogo tse di ka amang kgwebo. Bantshakuno ba tlhoka go bona ditsela tsa go nna ba na le tshedimosetso e e mo dinakong ka gale! Sekao sa tshedimosetso e e mo dinakong ka gale!
Go ya ka tshedimosetso ya sešweng go tswa Central Energy Fund, tlhotlhwa ya peterolo e ka tlhatloga ka 51,5c litara. Ditlhatlogo tse di solofetsweng tse di ka amanngwa thata le koketso ya lekgetho le lekgethwana la Letlole la Dikotsi tsa Tsela, le le simololang go dira ka Moranang, ka ntlha ya fa dipalelo tsa Letlole la Maatla la Bogareng gajaana le supa fa go ntse le pusetso e e tlhaelang ya ditlhotlhwa tsa lookwane. Lekgetho mo diseleng le tlaa tlhatloga ka 17,5c litara, fa e le gore lekgethwana la Letlole la Dikotsi tsa Ditsela le tlaa tlhatloga ka disente tse 8 litara. Ka ntlha ya fa dikoketsego tseno di tlaa tlhola tlhatlogo mo phokoletsong ya montshakuno mo diseleng, tshwaetso e e feletseng mo tlhotlhweng ya montshakuno ya disele e tlaa nna tlhatlogo ya disente tse 42,5 litara.
Go botlhokwa thata go tshola tsepamo ya kgwebo mo go se se batlwang ke mmaraka le se mmaraka o batlang go se duelela kuno. Ga go a lekana go dira ka natla le go senya madi a mantsi gore o ntshe kuno e ntle mme kwa morago o bo o lemoga fa tota go na le patlego e e kwa tlase ya kuno eo ya gago. Gongwe go bo go na le ntshokuno e e fetileng ka jalo tlhotlhwa ya nako eo e kwa tlase thata mo e leng gore tiro yotlhe mo dikgweding tsotlhe tseo e ntse tshenyo fela mme ga go na poelo e e tlaa dirwang! Peoleitlho e tshwanetse go tsepamisiwa ka kelotlhoko mo kunong ya bofelo ka kitso ya gore kuno e tlaa batliwa ke badirisi le gore o ka e tlamela ka tlhotlhwa e ba ratang go e e duelela e bile o bo o sa ntse o ka dira poelo.
Bantshakuno ba mmidi ba tlaa tshwanela go akanya ka ditlhophelo tsa bona mo setlheng se se tlang. Ditlhotlhwa tsa mmaraka di kwa tlase thata mme di tla nna jalo mo selekanyong se se kwa tlase jalo go fitlhelela go nna le dipoelo tse di lekalekanang tse di fodileng magareng ga tlamelo le patlego. Tiriso ya mmidi ya mo gae ya Aforikaborwa e ka nna palogareng ya ditono tse dimilione tse 9 ka ngwaga mme phopholetso ya fa gautshwane ya dijalo e baya thobo e e solofetsweng ya rona go ditono tse dimilione di le 12,8. Ka mafoko a mangwe, re jala mmidi o montsi thata ka jalo mmaraka o a betwa mme ditlamorago ke go re re tlaa tswelela go nna le ditlhotlhwa tse di kwa tlase tsa kuno ya rona go fitlhelela patlego ya mmidi e oketsega.
Go emisa go romela teng nama ya kolobe, nama ya koko le mae mme bogolo re oketse ntshokuno ya rona ya dikuno tse.
Go na le diketekete tsa bantshakuno (ba bagolo le ba bannye) le dimilionemilione tsa diheketara tse di ka tsenngwang mo ntshokunong fa mebaraka ya mmidi e ne e ka atolosiwa e le gore re oketse patlego mme ka jalo re oketse ditlhotlhwa. Bantshakuno ke bagwebi mme poelo e botlhokwa thata mo boitshegeletsong.
<fn>Pula Imvula. ProfitsMaize.2010-06.tn.txt</fn>
Go tlaleletsa boleng - a se se ka oketsa dipoelo?
Ka dinako dingwe tirego ya tlaleletsoboleng ke togamaano e e atlegileng mo bantshakunong go oketsa mela ya dipoelo tsa bona le go tshola tiro ya bona ya temothuo e dira sentle. Ka bokhutshwane tlaleletsoboleng ka boleng jo bo kwa godimo.
Tlaleletsoboleng ke eng?
Go tlaleletsa boleng jwa sejalo go raya go nna le seabe mo motseletseleng wa boleng ka go tsweletsa dikuno tsa polase ka tsela nngwe fela. Se gantsi se tlhoka gore montshakuno a beeletse mo ditirong tse dingwe jaaka go thapa badiri ba bangwe gape, kgotsa go reka didiriso tse dingwe, ka jalo go tlhokega dipalelelo tse di akantsweng sentle go netefatsa gore dipoelo di tlaa dirwa morago ga tirego ya tlaleletsoboleng. Go feta moo, dipalelelo tse ga di a tshwanela go dirwa gangwe fela fela - ditlhotlhwa tse di sa tsepamang le maemo a a fetofetogang a mebaraka, a tlhola gore dipalo tse di ye tlase le godimo mo e leng gore ka dinako dingwe tlaleletsoboleng e ka nna le poelo, fa ka dinako dingwe go ka se nne jalo.
Go reng bantshakuno ba tlhoka go nna le seabe mo tiregong ya tlaleletsoboleng?
Go le gantsi bantshakuno ke baamogelatlhotlhwa go na le go nna babayatlhotlhwa. Se se raya gore ke bareki ba dikuno tsa polase ba ba tlhomang gore go tlaa duelwa bokae mme montshakuno ga a na maatla a go ipuelela go bona kgwebo e e botoka. Kwa bofelong, bantshakuno ba tshwanetse go sekaseka ditsela tse di kgonegang tsa gore ba nne le karolelo mo bolennye jo bo tlalelediwang mo sejalong sa bona morago ga go tswa mo polaseng ka go tshola tirego ya ntshokuno mo polaseng le mo gae ka fa go ka kgonegang ka teng fa gona e sala go nna le bogonego jwa seikonomi.
Ditlhotlwa tsa gajaana tsa mmidi tsa 2010 di kwa tlase thata mme bantshakuno ba tlhoka go akanya gore a ga go tsela e nngwe e ba ka tokafatsang lotsenokgonego lwa sejalo se. Sekao go ka dirwa palelelo e e botlhofo go bona kgonego ya poelo ka go tlaleletsa boleng ka go sila mmidi go dira bupi jwa mmidi.
A re dire palelelo ka go tsaya gore tono e le nngwe ya mmidi o mosweu e ka rekisiwa ka R1000,00. Boemong jwa go rekisetsa koporasi ya dithoro ya selegae tono e le nngwe e ya mmidi, Rre Molemi o ka fetolela mmidi wa gagwe o mosweu go nna bupi jwa mmidi go jewa ke batho. Se o ka se dirang ka go itshilela kgotsa go o isa kwa tshilong ya mmidi e e gaufi go o sila mme a tla go tsaya bupi jwa mmidi jo bo phakejilweng moragonyana.
Rre Molemi o ka akanya ka mesola ya pakatelele fa a itshilela mo polaseng ya gagwe ka jalo a nna Rre Mong wa Tshilo ka boena.
A o na le sebaka mo lefelong la gagwe kgotsa a o tlaa tshwanela go thapa lefelo le lengwe?
Ke melawana efe ya pholo e o tlaa tshwanelang go e tshegetsa le gona go tlaa mo ja bokae?
O tlaa tlhoka didiriso tsa mofuta mang mme a ditshenyegelo mo pakeng e e atologileng di tlaa bo di le mosola, sekao, malwala, dikale, diboro, ditswaki le motšhine o o rokelelang dikgetsi, j.j?
Go tlaa tlhokega phakejing e e ntseng jang le gona o tlaa bona kae dikgetsi tseo?
Ditshenyegelo tsa letshwaomoono, mokwalotshwao le setshwaokgwebo (branding) di tlaa nna bokae?
A o tlaa tlhoka setlhopha sa badiri se se okeditsweng?
Bupi bo tlaa rekisiwa kae?
Go tshwanetse go lemogwe gore se ke togamaano ya pakatelele e e tlamang Rre Molemi mo tiregong ya tshilo.
Kgonagalo e nngwe e ka nna goreRre Molemi a rwalele mmidi o mosweu wa gagwe kwa tshilong e e gaufi go o sila go nna bupi. Itlhophelo e e swedietegang thata e e raya gore o ka itlhophela go dira se ka ditlhotlhwa tsa mmidi di le kwa tlase moo a eletsang go bona tsela ya go oketsa molapeolo mo sejalong kgotsa o ka rekisa mmidi wa gagwe o ntse fela jalo fa ditlhotlhwa tsa mmaraka di amogelesega. Ga e tlhoke peeletso ya khepetlele e nngwe fela e letla gore tlaleletsoboleng e diragale. Montshakuno mongwe le mongwe o tlhoka go dira tirogae ya gagwe mo boagisaning jwa gagwe.
20% ya tatlhegelo ya go sila gonne moroko le bose di tsewa ke Rre Mong wa Tshilo jaaka karolo ya tuelo ya go sila ya gagwe.
Se se raya gore ke tlaa amogela 800 kg ya bupi go tswa mo mmiding wa me wa 1 000 kg.
Go sa ntse gape go nna le tuelo ya tshilo ya madi a a seatleng ya tlaleletso ya R320 ya ditirelo tse ke di diretsweng ke Rre mong wa Tshilo.
Mmidi wa ditono tse 1 000 - 20% ya tatlhegelo ya go sila (200 kg ya moroko le bose) = 800 kg ya bupi fela.
Fela 800 kg ya bupi mo dikgetseng tsa bogolo jo bo siameng jo bo nepagetseng tse ke di tlhokang le tse ke kopang Rre Mong wa Tshilo go bo tsenya mo go tsona, bo ka rekisiwa ka tlhotlhwatlase ya kelo e e leng teng ya jaanong ya R2,20 ka khilogeramo.
Go tlholwa ga ditiro mo tikologong.
Go sa na le diphatlha tse dingwe tse dintsi tse di ka utololwang mabapi le tlaleletsoboleng. Go ka nna poelo e e kae mo go diriseng mmidi wa ga Rre Molemi mo ditsholelong tsa phepo tsa dikoko, dikolobe kgotsa nama ya kgomo Go ka nna le mesola efe mo baleming ba mmidi fa mmidi o ka bapalediwa madirelo a ethanolo A Rre Molemi o tlaa bona madi a mantsi mo sejalong sa mmidi sa gagwe kwa bokhutlong jwa motseletsele wa boleng o a itsentseng mo go ona Re tlaa tsenya matlho thata mo ditiregong tse mo isagweng?
<fn>Pula Imvula. Soil1.2010-07-01.tn.txt</fn>
Setshwantsho 1: Ditshwaetso tsa katisegelo mo sebakeng sa marose.
Setshwantsho 2: Medi e e ka fa lotlhakoreng lwa molema lwa sentshwantsho e bontsha kgolo e e sa kgoreletsegang fa medi e e ka fa lotlhakoreng lwa moja lwa semela e bontsha kgolo e e lekanyeditsweng ka ntlha ya dikgaolwana tsa katisegelo di le mmalwa go ya ka porofaele ya mmu.
supa dithata tse di senyang, di tlhasetse.
digase kgotsa nwelelelo ya bongola ka nako ya merwalela e e tlang.
Setshwantsho 3: Tsenya leitlho thata mo masimong go bona mothamo wa metsi o o feteletseng mme o ntshe dikgomo go di isa kwa mafulong a a jetsweng. Fa masimo a setse a omile, dikgomo di ka boela gape.
Katisegelo ya mmu e diragala fa dikarolwana tsa mmu di pitlaganngwa thata mme sebaka sa marose se se magareng ga tsona se fokodiwa. Mebu e e katisegetseng go feta e na le dibaka tsa marose di le mmalwanyana fela tse dikgolo e bile di na le kelo e e fokotsegileng ya tsenelelo le monyego ya metsi go tswa llageng e e katisegetseng. Kamogano ya mowa o o nang le okosijene, naeterojene, khabonedaeokosaete le digase tse dingwe tse di leng botlhokwa mo tswelelong le kgolong ya medi ya dimela, le yona e a kgoreletsega le go diegisiwa.
Katisegelo ya mmu e tlholwa ke eng?
Metlhala ya diterekere le didiriso mo masimong a dijalo le mafulo a a jetsweng e katlhola katisegelo ya mmu. Katisegelo ya mmu e amanngwa thata le ditiro dingwe le dingwe tsa tshugommu, jalo, kgatsho le thobo tse gale di tlhokegang mo medikong ya ntshokuno ya temodijalo. Mo dingwagasomeng tse dintsi go tserwe matsapa a magolo go dira diterekere tse di nang le maatlakgogo a a oketsegileng le didiriso tse di tshwanetseng go thuba dipane tsa mogoma le tshugo gammogo le dipane tse di tlholwang ke dikarolwana tsa mmukgogodi tse dinnye tse di ikgatang mo llageng e e sa sutlhelegeng.
Boima jwa diterekere bo oketsegile go tswa go ditono tse tharo ka bo1940 go ya go feta ditono tse 20 tsa diyuniti tse dikgolo tse di gogang ka maotwana a mane a tsa segompieno. Katisegelo e e tlholwang ke merwalo ya diase e e bokete ya ditono tse di lesome kgotsa go feta mo mebung e e metsi, e ka tsenelela go fitlha go 0,60 ya mitara. Ditiro tsa tshugo ka dinako tse dingwe di dirwa fa mebu e le metsi le go nna le kgonego ya katisegelo le go tlhola tshenyo mo sebopegong sa mmu. Kgono ya mmu go ntsha thobo e e kwa godimo, e a kgoreletsega. Tiriso e e tswelelang ya mogoma wa sekara le go dêsa ka boteng jo bo tshwanang go ka tlhola dipane tsa tshugo tse di maswe kgotsa dillaga tse di katisegetseng fela fa tlase ga boteng jwa tshugo mo mebung e mentsi.
Ka diteng tsa metsi tse di kwa godimo mmu o ka botšwa bonolo mme ga twe o mo seemong sa "polasetiki". Pharakano e ntsi kgotsa didiriso tsa tshugo tse di dirisiwang jaanong di tlhola gore mangwete kgotsa moraga wa mmu, di elelele mmogo go nna mmopa o o dilegileng o o tshume. Metlhala ya dithaere e e boteng kgotsa diforo tse di makgokolo tse di dilegileng tse di ka bonwang mo masimong ke bosupi jwa gore mmu o ne o le metsi thata go ka bereka ditiro tse. Mebu e e omileng e a thubega mme ka jalo e sala ka sebopego se se eletsegang go na le go dilega.
Popego ya mmu e laola kgono ya mmu ya go tshwara le go tsamaisa metsi, dikotla le mowa tse di tlhokafalang mo tirong ya medi ya semela. Medi e e golang ka mafolofolo e tlhoka marose a bogolo jo bo fetang 0,1 mm, se e leng bogolo jwa dintlhana tsa medi e mentsi go kgona go ingangatlela mo leroseng la mmu pele e ka tlhagelela le go golela go ya pele. Kemelano e e kwa godimo ya mmu o o katisegetseng e raya gore medi e tshwanetse go lwa ka maatla a magolo go tsenelela mo llageng e e katisegetseng.
Montshakuno a ka fenya jang llaga ya katisegelo?
Tshugo e e boteng jwa go feta 25 cm e na le kgono ya go thuba dipane tse dipopota tse di dirilweng ke pharakano ya maotwana, fela e ka nna ya se nne tharabololo ya pakatelele go oketsa kgotsa go bebofatsa thobo ya dijalo e e kwa godimo. Mo dithulaganyong tsa ntshokuno tse dintsi tshugo e e boteng e tshwanelwa go boelediwa setlha sengwe le sengwe. Ditiro tsa tshugo morago ga go lema di ka katisegetsa mmu gape go batla go fitlha 80% ya tshwaragano pele ga tshugo. Ka jalo go na le seelo se segolo, sa maatla mo sebopegong sa disele e e dirisitsweng le ditshenyegelo tsa metšhine e e dirileng e e tlhokegang mo tshugong.
Thulaganyo ya temodijalo ya gajaana ya gago e ka dirisa mekgwa e e tlwaelegileng ya tshugo e e ka akaretsang go lema morago ga thobo, go dêsa, go repa, ditlhagolo tse di farologaneng, o bo o jala, gammogo le go kgatshetsa go laola mefero le ditshenekegi morago ga go jala le ga thobo. Ka jalo go a kgonega gore o bo o tsamaile mo masimong magareng ga makgetlo a robedi le robong magareng ga thobo le jalo ya sejalo se se latelang. Thulaganyo e, e tura thata go e tsweletsa. Peeletso mo metšhineng le didiriso, nako e e tserweng go wetsa ditiro tse, badirisi le diterekere, lookwane le dipaakanyo, di kwa godimo thata.
Thulaganyo ya tlwaelo e ne e dirisediwa bogolo go laola mofero le go tlhanyaolola legogo la mmu efe kana efe le le tlhodilweng ke dipula tse di maatla, tse gale di nang mo nagagodimong. Pula efe le efe e e amogetsweng mo pakeng ya bogola, magareng ga dijalo, e ka bolokwa go tlaa dirisiwa ke dijalo tse di latelang tse di jetsweng. Tlholego ya kobelo ya lorole e thibela bogolo jwa mowafalo ya bongola jwa boalotlase le boalogodimo jo bo bolokilweng go tswa porofaeleng ya mmu.
Go lema boalotlase go thuba pane le gona go ka tlhola tshenyegelo pele ya popego ya mmu e bile e ka nna bokoa fa pereko e ka dirwa mmu o le metsi thata. Mekgwa ya tshugo ya tshomarelo, e e akaretsang ditiro tsa tshugo e e fokoditsweng, e potlana kgotsa e e sa dirweng gotlhelele, e ka fokotsa katisegelo ya mmu mme kwa bofelong ya fokotsa ditshenyegelo tsa tshugo ka kakaretso.
Dimekhenesime tsa polantere tse dintsi di katisegetsa mmu go le gonnye go dikologa peo e e jadilweng. Kamano e e siameng magareng ga peo le mmu, e itlhaganedisa kelo ya go monyela metsi ka jalo le ya tlhogo ya peo. Katisegelo e e bogareng e ka fokotsa tatlhegelo ya metsi ka ntlha ya mowafalo le go thibela go oma ga mmu mo tikologong ya peo. Ka gale mo maemong a temodijalo ya masimo a omileng mmu o o omileng le go tlhanyaololwa, o tshelwa ka botlhošwana mo godimo ga peo e e jetsweng. Se se dira jaaka llaga ya kobelo ya lorole e e thibelang tatlhegelo ya bongola go ya pele. Fela le gale go botlhokwa gore o se katisegetse mmugodimo le mmutlase fa tlase ga peo.
Mmu o o tlhanyaolotsweng thata ka tshwaragano e e sa nitamang le ona o ka nna matshosetsi mo kgolomeding le tswelelong ya medi ya tota. Medi e inyalanya le phetogo mo nitamong ya mmu ka go golela kwa dikgaolong tse di se nang le kemelano e nnye ka jalo ga e ne e sutlhelela bonolo mo dipaneng tse di popota mo porofaeleng ya mmu.
Tshwaetso ya llaga ya katisegelo ke gore kgaolo ya kgono mo porofaeleng ya medi e e utololwang ke medi e a fokodiwa. Monyelo ya dikotla le kelelo le poloko e e fokotsegileng ya metsi e lekanyetsa kgono ya dimela go ntsha thobo e e kwa godimo. Ka dingwaga tsa komelelo katisegelo ya mmu e ka isa kwa dimeleng tse di hubileng le tsa ngodiego ya komelelo. Kwa ntle ga dipula tse, dinako le menontsha e e tshetsweng sentle, go tla itemogelwa thobo e e fokotsegileng.
Katisegelo ya mmu mo dingwageng tse di metsi, e tlhola tsenomowa ya mmu e e fokotsegileng mo dillagenggodimong tsa mmu ka gore kelo ya monyego e fokotsegile mme e ka tlhola kgogolego ya boalogodimo ka go na ga dipula le tsenomowa ya mmu e e fokotsegileng thata. Se se ka tlhola go latlhega ga monontsha le naeterojene go tsena mo lefaufaung. Monyelo ya potasiamo e batla gore semela se senye maatla a sona go monyela potasiamo. Tsenomowa e e fokotsegileng e ama maatlafalo ya medi mme e feleletse mo monyelong e nnye ya potasiamo. Gonne foseferase e sa ye kgakala mo mmung le fa e tshetswe pele kgotsa e tshelwa ka nako ya jalo. Thulaganyo ya medi e e fokotsegileng le yona e tlaa lekanyetsa monyelo ya dijo tsa dimela tse di botlhokwa. Mebu ya motlhaba ka phasalatso ya dikarolwana tsa mmu tsa bogolo jo bo tshwanang e rata go katisegela bonolo. Mebu e na le nwelelelo ya bongola e e amogelesegang mo porofaeleng ya mmu fela pane e e omileng efe kana efe, e tlaa thibela medi go golela kwa botennye le go dirisa metsi a ka paka ya komelelo ka nako ya ntshokuno ya dijalo mo mmung o o omileng.
Go bonetse gore fa medi e ka kgona go tsenelela pane e e omileng kgotsa ya thusiwa ka ditsenelano mo paneng e e omileng e, e kgona go gola sentle go feretlha metheriale ya mmu e e boleta kwa botennye mo porofaeleng ya mmu. Ka jalo phitlhelelo e bonwa sentle go fitlhelela metsi le dikotla go ntsha thobo e e kwa godimo.
Katisegelo ya mmu e ka tlhalosiwa ka bophara e le bogolo katisegelo ya boalogodimo kgotsa katisegelo ya boalogodimotlase.
Dipula tsa dikgakologo di na ka merwalela e e kwa godimo le e e maatla mme e ka tlhola selekano se se boitshegang sa tshwagafalo ya mmu, kgogolego le tatlhegelo ya monono mo boalogodimong jo bo sa sirelediwang.
Mo mmung o o nang le dibodi tse di kwa tlase kgotsa o o sa sirelediwang ke masalela a dimela, kutlwalo ya lerothodi la pula mo boalogodimong jo, le yona e ka tlhola tlhamego ya legogo la katisegelo la boteng jwa 12 go ya 20 mm mo boalogodimong jwa mmu.
Marothodi a pula e e tlwaelegileng a simolola ka bogolo jwa 1 go ya 7 mm mme a wela mo mmung a taboga ka lebelo la 30 km ka ura. Dikarolwana di ka phatšhegela bokgakala jwa go feta mitara go tswa kwa kgaolwaneng ya kutlwalo. Se se tswala marose a boalogodimo go ya pele le go fokotsa nwelelelo ya metsi le go oketsa kelelo ya merwalela.
Fa go oma, boalogodimo bo tlhama legogo ka jalo lo thibelela kamogano ya gase efe kana efe kgotsa tsenelelo ya bongola mo puleng e e latelang. Llaga e e ama tlhogo ya matlhogelanyana jaaka bantshakuno ba bantsi ba ba jalang dijalo ba bone mo masimong a bona ka disonobolomo le dinawa tsa soya.
Dikarolwana tsa mmu tse di tlhanyaolotsweng ke tsona di kgona go tsamaya le metsi le go tswa mo tshimong go tsena mo meeding ya metsi, mme go tlhole thibano e e boitshegang ya melapo le dinoka. Fa go na le pula e e feteletseng jaaka thibego ya leru mo boalogodimong jwa mmu jo bo sa sirelediwang, foo metsi a sa kgoneng go nwelelela mo boalogodimong jo bo dilegileng, kgogolego ya bogodimo e ka tlhola tshenyo e kgolo le tatlhegelo ya monono wa mmu.
Fa loruo lo fudisiwa mo masimong morago ga thobo kgotsa nako efe le efe magareng ga dijalo, katisegelo ya mmu kgotsa "kgobotlego ya mmu" e ka diragala ka ntlha ya kgatako ya ditlhako tsa dikgomo le dinku. Se se diragala fa mmu o le metsi thata le go tlhalosega fa diteng tsa bongola di fetile mothamo wa tshimo. Poitshego ya katisegelo e tlaa laolwa ke selekano sa dijalo mo godimo ga boalogodimo jwa mmu. Katisegelo e ka bonwa mo boalogodimong jwa mmu mo magareng ga 7 go ya 10 cm's mo porofaeleng ya mmu. Tshwaetso e e boitshega segolobogolo mo mebung ya diteng tsa mmopa tse di kwa godimo thata.
Gape teng fa, dibaka tsa marose di fokotsegile mme go tlhole mathata otlhe a a tlholwang ke katisegelo a a umakilweng fa godimo. Fa dikgomo di tlogelwa mo mafulong a maemo a a metsi, kwa bofelong thobo e ka fokotsega ka 20% ya ntshokuno e e solofetsweng ya gale. Tharabololo ke gore o tlhokomele masimo a gago go lemoga diteng tsa metsi tse di feteletseng mme o hudusetse dikgomo kwa mafulong a a jetsweng kgotsa dikampa tsa phulo tse di kwa godingwana kgotsa tse di nang le lefatshe le le thulameng le le seng metsi thata jaaka masimo a temodijalo. Fela fa masimo a setse a omile dikgomo di ka busediwa gape paka e e rileng.
Katisegelo kgotsa go nya legogo ga boalogodimo go ka bonala bonolo ka go tsamaya mo masimong a gago morago ga go na ga pula e ntsi kgotsa e e bokete. Thipa ya mokopelo e ka dirisiwa go kokola legogo go bona gore lo boteng bo kae.
Gore o kgone go lekanyetsa bothata jwa katisegelo ya boalotlase mo masimong mo polaseng ya gago go tshwanetse go dirwe patloboleng e e tseneletseng thata.
Sepete se ka dirisiwa go epa mosima wa tekelelo o monnye mme go tlaa tlhagelela ka bonako fa e le gore pane e e dilegileng e teng mo go 20 - 25 cm go tswa boalogodimong jwa mmu. Llaga e fa a e omile gantsi go bokete thata go ka e šema ka bogale jwa sepete. Fa go fitlhelwa llaga e kgotsa go belaelwa katisegelo e e boteng go feta fa go epiwa porofaele ya mmu ka letsogo mme bonnye e nne selekano sa mitara o le mongwe. Se se kgontsha motlhatlhobi go tsena ka mo masimong le go sekasekela porofaele ya mmu katisegelo sentle. Noto ya moitseanape wa jioloji, kgotsa sediriso sengwe se se motsu, se gogwa ka ntlhana e e motsu go tswa kwa bogodimong go ya kwa botlaseng jwa porofaele. Llaga nngwe le nngwe e e thatafetseng e tlaa bonala bonolo thata mme e ka lekanngwa. Boteng le bokima jwa llaga jaanong bo tlaa laola gore ke sediriso sefe sa meno se se tshwanetseng le boteng jo bo tlhokegang jwa tsenelelo ya mmu e le gore llaga e tle e thubelwe kwa godimo go tswa kwa tlase ga pane e e thata.
Mosima wa porofaele o ka dirisiwa go tsaya dikaommu le go tlhatlhobelaboteng jwa medi jo bo feletseng gotlhelele, mohuta wa mmu le llaga e e kwa tenteng e e sa sutlhelegeng nngwe le nngwe e e nnang teng. Mesima ya porofaele e le mmalwa mo tshimong yotlhe e e amegang e ka tlhatlhobiwa gore jalo patlisiso e e tseneletseng e wediwe.
Fa medi ya sejalo se se sa ntseng se gola e le teng, go ka dirisiwa sekgatshi sa letsogo se se nang le kgatelelo ya metsi e e lekaneng go farolola medi ka go tlhatswa mmu o o e dikanyeditseng. Ka mokgwa o kanamiso ya medi le kutlwalo ya llaga e e katisegetseng di ka bonwa sentle thata. Fa go dirisiwa repara ka nako ya jalo motho o ka lemoga tlhogo ya medi go feta ka llaga le kanamo ya medi go ya pele kwa tlase ga llaga e e katisegetseng.
Porofaele ya mmu gape e ka dirisediwa go baya leitlho nonofo ya mekgwa ya tshugo efe kana efe e e dirisitsweng go lwantsha katisegelo ya mmu e e bonweng mo malobeng. Nonofo ya thulaganyo ya tsamaiso kgotsa nonofo ya tiragatso ya sediriso se se rileng le yona e ka bewa leitlho.
Fa go berekwa masimo go nna teng ga pane e e thata kgotsa nonofo ya sediriso sa go thuba pane e e thata, go ka bewa leitlho ka go pega mo beneng ya gago ka gale loretshipi lo lo lekanyang lo lo itiretsweng : Lore lo ka dirwa ka tshipi e e potokwe ya bokima jwa 8 mm ka mokgothi wa bara ya "T" o o momeletsweng kwa godimo, ka eno e e looditsweng gosenene, le go tshwaiwa ka keraentara, disenthimitara tse 10 dingwe le dingwe. Lore jaanong lo ka tlhabelelwa mo mmung ka maatla a a magareng, gape a bogolo jwa tshimo, kakanyo ya katisegelo e tlhagelela ka bonako thata. Fa diteko di dirwa mo .5 ya mitara nngwe le nngwe, go ka tlhomamisiwa gore a bothata jwa katisegelo ya mmu bo akareditse kgotsa bo mo metšhetšhedimaneng e e rileng mo tshimong. Nonofo ya sediriso se se dirisiwang e ka bewa leitlho ka yona tsela e.
<fn>Pula Imvula. Soil2.2010-07-01.tn.txt</fn>
Mo kgannyaneng e e mo tsebeng ya 5 go ya 8 re tlhalositse katisegelo ya mmu le gore e diragala jang. Kgannyana e e tlaa tlhalosa gore setlhatlhobi sa katisegelo ya mmu se dira jang le gore o ka laola jang katisegelo ya mmu.
Setlhatlhobi sa katisegelo ya mmu se tlaa fa lesedinyana la gore go diragalang mo mmung fela ka sengwe le sengwe fela sa didiriso le mekgwa e le mmalwa se se dirisiwang go baya katisegelo ya mmu leitlho. Mosola wa sediriswa se ke gore masimo a ka tlhatlhobiwa ka kwa ntle ga setlhakgolo sa rona botlhofo. Fa dimela di ka lemogwa di na le bothata jwa pholo go sekasekwa ka bonako gore a bothata ke katisegelo ya mmu kgotsa nnyaya. Gape, nako e e siameng go dirisa setlhatlhobi sa katisegelo ya mmu ke fa seemo sa bongola sa tshimo yotlhe se lekanetse mo tshimong. Maemo a a omileng thata kgotsa a kgobotlega ga a ne a ntsha dipalelo tse di ikanyegang.
Setlhatlhobi se dirwa ke khounu ya tshipi e e tshekeletsa ya dikerii tse 30 ka šafote ya kgweetso le selekanyi sa kgatelelo. Go tlamelwa gape ka dikhounu tsa mebu e e boruma le e e thata. Dintlhana tse di dirilwe ka tsela ya go etsa medi ya semela e e golang go tsamaya le mmu. Sediriswa se go naya dipalelo ka dikhilopasekale se se lekanyang kemelano ya tsenelelo mo mmung. Dipalelo tse di ka go naya sekao sa tshukagano tsa katisegelo tse di farologaneng mo dilekanyong tse di farologaneng mo porofaeleng ya mmu. Dipalelo tse di ka dirisiwang go kala polase yotlhe kgotsa tshimo ya senthaphaefote go kgontsha go lekanya bothata jwa katisegelo ya mmu jo bo ka nnang teng mo kgaolong e tona.
Fokotsa tshugo ka kakanyo ya go ya kwa tshugong ya tshomarelo go akaretsa le tshugo e nnye.
Tsenya diterekere le didiriso kgotsa didiriso tse di itsamaisang fela mo masimong fa selekano sa bongola se le mo seemong se se lekaneng. Seemo sa bongola jwa mmu se ka tlholwa pele tshugo e simologa ka go tsaya sekaommu go tswa botennye jwa 15 cm mo mmugodimong. Leka go se dira kgolokwe. Fa se bopagana bonolo le go lotagana, go metsi thata. Fa se fafarega sentle, go omile go ka dira tshugo le pharakano e ntsi.
Fokotsa tiriso ya megoma ya dikara thatathata.
Emisetsa temelo e e boteng ya megoma ya dikara ka didiriso tse di meno gore o kgone go repela kwa teng kgotsa o diragatse tshugo ya kobelo ya dirite.
Fa o ngapela kwa teng thata dirisa sediriso sa meno se se sa tshwenyeng boalogodimo jwa mmu, mme se se thubang pane efe le efe ya boteng jwa magareng ga 25 le 45 cm mo mmung.
Go jalwa ka thaene e e ngapang e e sa tshwenyeng boalogodimo jwa mmu fela e netefatsa gore katisegelo efe kana efe e e tlhodilweng ke dipula tse di maatla, kgotsa pharakano e e bokete, e thubega ka fa tlase kgotsa gaufi le mola o o jetsweng. Netefatsa gore peo e jalelwa ka fa letlhakoreng lengwe la monontsha le la mola o o ngapilweng.
Dirisa ngapo e e metsi (wet ripping) magareng ga mela ya dijalo tse di jetsweng ke mola morago ga go jala, go thuba katisegelo ya boalogodimo, go tsenya mowa mo mmung le go letla pula efe le efe e e tlang, go tsenelela mo mmung.
Go botlhokwa go akaretsa dijalo tsa dithulaganyo tsa medi e e farologaneng mo thulaganyong efe le efe ya thefosanyodijalo e e tlaa thusang go thuba kgotsa go fetola tshukagano ya porofaele ya mmu mo thefosanyong ya korong, disonobolomo, mmidi le dinawa tsa soya, di tlaa thusa mo phokotsong ya tlhamego ya dipane mo porofaeleng ya mmu. Dimela tsa mohuta wa bojang ka kanamo ya medi e e lekalekanang di refosanngwa le dijalo tsa moditona. Habore le dijalo tsa "tricale" tse di nang le dithulaganyo tsa medi tse di nonofileng di ka akarediwa go tokafatsa katisegelo le go tokafatsa menolommu ka nako e le nngwe mo dithulaganyong tsa montshakuno yo o sa batleng go jala mafulo a leruri. Temodijalo gape e ka refosanngwa le dijalo tsa mafulo dingwaga tse pedi go ya go tse tharo go ikhutsisa mmu go senngwa ke metšhine. Thobo ya dijalo gantsi di a tokafala fa di jalwa mo modikong gape.
Fetogela kwa go seteleng ga diterekere le didiriso tsa bophara jo bo feletseng le jo bo lekantsweng jwa maotwana le didiriso gore go tle go diragadiwe thulaganyo ya taolo ya pharakano mo tirong ya temothuo yotlhe. Fa diterekere di tsamaya mo metlhaleng e e setseng e katisegetse maatla a a tlhokegang a a fokotsega mme go fitlhelelwa tiriso e e siameng ya disele. Dikgaolo le mela eo go jetsweng dimela teng ga di ne di katisegela mo setlheng seno. Masimo le ona a ka fitlhelelwa bonolo morago ga dipula tse di maatla ka go dirisa metlhala ya maotwana e e setseng e le teng.
Simolola go dirisa matlhale a temothuo ya tshomarelo ka go fokotsa ditiro tsa tshugo mme o ye kwa go oketseng dibodi mo mmung ka fa o ka kgonang ka teng mo dingwageng tse tharo go ya go tse nne tse di tlang.
<fn>Pula Imvula. TractorMaize.2010-06.tn.txt</fn>
Mo kgatisong ya Motsheganong, 2010 ya Pula/Imvula re tlametse ka lenaneo la ditlhatlhobo di le mmalwa tse di tshwanetsweng go dirwa pele o dirisa terekere ya gago. Terekere e botlhokwa mo polaseng, mme fa o sa tlhokomele terekere ya gago, e tlaa go ja madi a a boitshegang. Karolo 2 ya kgannyana e e a latela.
Tlhatlhoba selekanyo sa metsi enjene e sa le tsididi. Fa go se na lebotlele la metsi mo terekereng, selekanyo sa metsi a a mo radiethareng se tshwanetse se nne 25 mm go tswa kwa godimo. Netefatsa gore go na le sethibelakgatselo se se lekaneng mo setsidifatsing.
Netefatsa gore bogolo jwa dipene le diphini tsotlhe ke jo bo nepagetseng.
Netefatsa gore top link e tshasitswe kirisi le gore go dirisitswe diphini tsa bogolo jo bo nepagetseng.
Netefatsa gore diboutu tsotlhe mo bareng ya kgogo di gagamaditswe mme o dirise pene ya bara ya kgogo e e nepagetseng.
Itse ka ga ditlhokomediso tsa pabalesego tsa terekere nngwe le nngwe. Mo diterekereng dingwe o tshwanetse go gatelela tlelatšhe kwa teng mme molongwana wa kere o nne fa gare fela.
Letla terekere go dumaduma (idle) metsotso e se mekae mme o tlhatlhobe dilekanyi (gauges) le diponetsiboso tsotlhe mo phaneleneng ya didiriswa. Fa sengwe se sa siama se baakanye pele o tsamaya. O se ke wa refa terekere go sa tlhokege.
Ka gale dirisa terekere e le mo kereng e e nepagetseng mme o se tlogelele enjene go goga bokete.
Letla terekere go dumaduma motsotso kgotsa e mebedi, gore thebo e tsidifale pele o tima enjene. Tlatsa tanka ya disele ya gago morago ga tiro ya letsatsi go thibela phokafalo le marothodi a metsi mo tankeng ya disele ya gago.
<fn>Pula Imvula. WeedsMaize.2010-03.tn.txt</fn>
Photo 1: Dijalo tsa mmidi tse di bokoa; bona jaaka mefero e fentse ntwa.
Photo 2: Taolomofero e e bokoa, lemoga ka moo mmidi o setlhafetseng ka teng.
Photo 3: "Wild Oats" e e fitlhetsweng mo koronnye. Bona dijalo tse di telele tse ditshweu tsa "wildoats" mme le dijalo tse di hibitseng tse dikhutshwane tsa mofero.
Temothuo e sala go nna kgwetlho mme fela fa ke ithayang ke re mongwe le mongwe o utlwile sentle ka taolomofero, ke etetse masimo mme ke fitlhetse mathata a a boitshegang ka mefero, bogolosegolo "Yellow Nut Sedge", "Uintjies" le monakaladi.
Kwa ntle ga taolomofero e e siameng le e e feletseng ga o kitla o kgona go ntsha dijalo ka poelo le itshegeletso. Mefero ke mmaba wa gago - mefero e gaisanela le dijalo tsa gago metsi, dikotla, sebaka le lesedi. Tshenyegelo ya ntshokuno ya dijalo e kwa godimo mo e leng gore ga o ka wa kgona go letla mefero go dirisa monontsha o o totisitseng dijalo tsa gago.
Se se botoka go gaisa mo taolomoferong ke go thibela mefero gore e se gole gotlhelele. Fa o tlogelela taolomofero go e dira moragonyana le gona fa e setse e godile thata pele o e bolaya, tota e setse e dirile tshenyo e e boitshegang mo dijalong tsa gago. Katlego ya bontsi jwa temodijalo e e ikaegile ka katlego ya taolomofero.
Fa o sa itse mmaba wa gago, ga o kgone go lwa ka nonofo. Fa o bona masimo a mantšhwa a o sa itseng, ka dinako dingwe go bokete o abelela mefero e o tlaa e fitlhelang foo. Fela le gale, morago ga setlha sa ntlha mo tshimong nngwe le nngwe, o tlaa itse mefero e e teng foo mme o tshwanetse go kgona go e thibela go gola. O tshwanetse go itse gore a mefero eo ke ya matlharephaphathi kgotsa matlharesesane. Go ka nna molemo tota fa o itse maina a mefero e e tlhogileng mo tshimong e e rileng gonne o tlaa kgona go bona kgakololo gore o ka laola mongwe le mongwe wa yona botoka jang.
Rulaganya togamaano ya taolomofero ya gago go sa le gale pele ga setlhajalo.
Fa o ikaegile ka taolo ya semotšhine, netefatsa gore tiragatso nngwe le nngwe (tshugommu ya motheo kgotsa tlaleletso) e bolaya mefero gotlhelele. Ela tlhoko thata gore meno a sediriso a gatana ka nepo gore o se tlogele metšhetšhedima epe ya mefero. Fa masimo a le metsi thata fa o tlhagola go tlosa mefero, gakologelwa gore e ka jalega sešwa mo mmung o o bongola le go tswelela go gola. O tshwanetse wa bo o tlhomamisa gore ke sebolayatlhatshana sefe se o yang go se dirisa thata pele ga jalo. O tlaa tlhoka go netefatsa gore sekgatshi sa gago se mo maemong a a siameng a go dira le terekere gore e a dira, ka selekayo kgatelelo le ka dinosele tse tshwanelanang.
Go na le batho ba ba itseng thata ka taolo ya mefero mo dijalong. Gakologelwa gore taolomofero e e turang thata ke e e sa dirang. O ka bo o sa duele madi, fela gakologelwa gore o tlaa o latlhegelwa ke lotseno lo lo boitshegang.
Go ka dirisiwa sebolayatlhatshana se se sa tlhaoleng se akaretsang (jaaka Roundup kgotsa Gramaxone), kgotsa tshimo e ka phepafadiwa ka motšhine. Gakologelwa gore fa re bua ka sebolayatlhatshana se se sa tlhaoleng, se tlaa bolaya semela sengwe le sengwe se se tala mo tshimong. O tlhokomele thata fa o dirisa dibolayatlhatshana tse, gonne fa o setse o kgatshitse ga go se o ka tlholang o se dira go tlosa khemikale.
Go latela go jala, sebolayatlhatshana sa pele ga tlhogo se se kwadiseditsweng ka kgethego taolo ya mofero ya mefero e e kgethegileng eo mo sejalong se se kgethegileng seo, se ka dirisiwa. Monakaladi o ka nna mathata a magolo, mme ga o botlhofo go bolawa. Ka lesego, Yellow Nut Sedge e ka laolwa ka katlego, mo mmiding le mabeleng kago dirisa Servian (kuno ya mo motseletseleng wa Syngeta). Dibeke tse thataro tsa ntlha mo botshelong jwa dijalo ke tsa botlhokwa thata mo taolong ya mofero - kgaisano go tswa meferong mo dikgatong tsa go tlhoga e na le tshusumetso e e bosula mo thobong kwa bofelong.
Mefero e tshwanetse go laolwa fa e sale menana, e gola ka go phorosela le pele ga e naya dimela kgaisano. Mefero ka gale e tshwanetse go laolwa pele e ungwa. Fa mefero e setse e dirile peo, peo le yona e tlaa mela le go gakatsa bothata. Kgaisano le mefero e ama thobo ya dijalo. Ka nako ya bogola, masimo a sa ntse a tshwanetse go tsholwa a se na mofero. Peo ya mofero e kgona go boba mo mmung nako e telele le go tlhoga fa maemo a e siametse.
Go na le mesola e le mmalwa mo go diriseng taolomofero ka khemikale.
Fa masimo a le metsi, terekere e e gogang sekgatshi e ka tsena mo masimong thata pele ga terekere e e gogang sediriso se se tlhagolang.
O ka laola mofero pele o tlhoga ka jalo wa thibel kgaisano.
Go kgatsha go ka fitlhelela mefero yotlhe le go e bolaya yotlhe, fa e le gore mefero e e mo gare ga dijalo tse di mo moleng gantsi e tlogelwa e sa kgongwa morago g tlhagolo.
E boloka bodiri - mo kgaolong tse dintsi tsa Aforikaborwa, taolomofero e dirwa ka diatla. Se ke tiro e e boima tota. Bothata jo bongwe jo re nang le jona ke gore paka e mofero o befileng ka yona gantsi ke ya Keresemose le Ngwaga o mošwa, e e leng gore ke nako e batho ba itsemeletsang go dira. Fela fa nako ya malatsi a boikhutso a fela, mefero ga e tlhole e laolega mme tshenyo e setse e dirilwe.
A re direng mmogo go dira 2010 Ngwaga o go se nang mofero. Fa re ka tsepamisa mogopolo mo ntlheng e nngwe fela e, ke a tlhomamisa gore re tlaa atlega.
<fn>PulaImvula.250Tonclub(maize).2010-11-08.tn.txt</fn>
Bafenyi ba 250 ton club ke...
Byline: Ruth Davies, motshwaedi wa Grain SA.
Photo 9: Mofenyi wa Molemiruipotlana wa ngwaga wa Mpumalanga ke Vincent Mdluli. Yo o nang nae ka fa molemeng ke Jerry Mthombothi (mogokaganyi wa Mpumalanga), mme ka fa mojeng ke Pat Shiba (motsamaisi wa Ndwandwa Trust).
Photo15: Mofenyi wa Molemipotlana wa Ngwaga wa Kapabotlhaba ke Colbert Timakwe.
Photo11: Bantshakuno ba bogwebi le ditokololo tsa 250 Ton Club ba ba amogetseng ditifikeiti e ntse Reuben Maphisa, Klerk Melken, Frans Gaoganediwe le David Malo.
Photo12: Ditokololo tse dingwe tse tharo tsa 250 Ton Club ke David Maleleka, Thabo Macholo le Masedi Letuka.
Photo13: Bantshakuno ba bogwebi le ditokololo tsa 500 Ton Club: Johannes Setshego, Levey Machuisa, Lazarus Mothusi le Deliwe Ntebele-Mutlwane, Pogiso Dikobe o ne a se yo.
Photo14: Montshakuno wa bogwebi le tokololo ya 1 000 Ton Club, William Matasane. Tokololo e nngwe ya 1 000 Ton Club, Paul Morule o ne a se yo.
Kwa Bloemfontein, monongwaga ka di 26 Phatwe, Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA le sa ntse gape le tlotlomaditse bantshakuno bao ba ba ntshitseng go eta ditono tse 250 tsa dithoro ka ngwaga. Go sa ntse go tlotlomaditswe Balemiruipotlana ba ngwaga.
<fn>PulaImvula. AccessMaize.2009-05.tn.txt</fn>
Temothuo yotlhe fela e ama tiriso ya lefatshe. Mo Aforikaborwa re na le dithulaganyo tse di farologaneng di le mmalwa tsa thuolefatshe. Thulaganyo e nngwe le e nngwe e na le dithata le makoa a yona. Ga go maswe go le kalo go nna le thulaganyo e e kgethegileng e le nngwe, fela go botlhokwa go itse le go tlhaloganya thulaganyo e a dirang mo go yona.
Sengwe sa dilo tsa botlhokwa thata go nna le sona ke mmepe wa polase, ka gore fa ke teng fa o simololang go logela maano a gago teng. Fa o sa kgone go fitlhelela mmepe (jaaka e le tlwaelo mo mangweng a mafatshe a morafe) gona o tlhoka go bona mongwe go go direla GPS ya masimo a gago, e e tlaa bontshang ka nepagalo fa masimo a gago a leng teng, gammogo le bogolo jwa tota jwa masimo a gago. Gakologelwa gore go botlhokwa go itse bogolo jwa masimo a gago gonne dipalelo tsotlhe tsa tekanyetso ya gago di thaelwa mo palong ya diheketara tse di amegang.
Nngwe ya dintlhakgolo tsa thulaganyo ya thuolefatshe ke go adima madi, gantsi motho o tlhoka go neela ka tshireletso. Fa o se na kanobong ya lefatshe, gona ga o kgone go dirisa lefatshe leo jaaka sesireletsamolato (collateral). Se se ka bonwa e le poelomorago, fela gakologelwa fa o bonta thoto ya gago le go kwadisa bonto mo leineng la setheo sa matlole, o bona kadimo, fela le fa e ka nna ka ntlha ya lebaka lefe fela, fa o ka palelwa ke go duela kadimo e - ba tlaa rekisa thoto ya gago go boelwa ke madi a bona a a setseng kwa morago. Se ke thulaganyo e e utlwalang mo ikonoming ya mmaraka e e gololosegileng mo thulaganyong ya bokapitalise (e e dirang mo lefatsheng lotlhe). Fela wena jaaka montshadikuno yo o tlhabologang o tshwanetse go ithuta go nna montshadikuno kwa ntle ga go baya sengwe le sengwe sa gago mo kotsing. Le ke lengwe la mabaka a ke dumelang gore o tshwanetse go simolola kwa tlase kwa ntle ga dikadimo tse di bokete - gore fa sengwe se ka fosega, o se ke wa latlhegelwa ke sengwe le sengwe. Mo thulaganyong ya lefatshe la morafe, koo lefatshe le laolwang ke dikgosi, o ka simolola mo tshimong ya gago e o e abetsweng ke kgosi mme fa o tswelela o atlega, o ka thapa masimo a baagisani ba ba sa a diriseng. Gakologelwa ga se mongwe le mongwe yo o leng montshadikuno. Re na le dikao di le dintsi tsa bantshadikuno ba bogwebi ba ba atlegileng ba ba dirang mo lefatsheng la morafe mme ba se beng le ba heketara e le nngwe fela.
Dikgaolo dingwe di tshwanelwa sentle ke mefuta mengwe ya temothuo. Pula, matlha a ntlha le a bofelo a serame se se solofetsweng, le boteng jwa mmu, di laola se. Go botlhokwa gape go itse gore a masimo ke a nosetso kgotsa nnyaya - gakologelwa gore temo ya nosetso e batla tsamaiso e e gagametseng thata, fela gape e mathata mannye ka gore o ka nosetsa dijalo fa go tlhokega. Mo mefuteng mengwe ya temothuo, go fitlhelela motlakase go botlhokwa thata. Boleng jwa kagelelo bo a boitshega - fa o ka se ke wa kgona go thibelela loruo kwa ntle ga masimo a gago, o ka se ke wa lema dijalo ka katlego.
Mmepe wa polase - netefatsa gore o na le mmepe wa polase le go ithuta gore Bokone, Borwa, Botlhaba le Bophirima, di ntlha efe.
Go botlhokwa go bona gore tshimo le kampa e nngwe le e nngwe e na le nomore. (Se se tlaa dirisiwa moragonyana fale mo tseosekaommung le thulaganyong ya tiriso ya lefatshe).
Tlhola bogolo jwa tshimo le kampa e nngwe le e nngwe (se gape se botlhokwa mo thulaganyong ya tirisolefatshe le go dira tekanyetso). Fa tshedimosetso e e se yo mo mmepeng, o tlaa tshwanelwa ke go e rulaganyetsa.
Gantsi mebepe ya mafatshe a morafe ga e teng. Fa e le gore o dira mo lefatsheng la morafe, mmepe wa GPS o a tlhokega o o nayang dintlha tsotlhe tsa tshimo e e kgethegileng eo.
Go na le mekgwa e e farologaneng ya go tlhomamisa bogolo jwa masimo - o ka a dikologa o bala dikgato tsa gago, o ka dirisa leotwana le le metang kgotsa wa dirisa mokgwa wa leotwana la terekere; fela mokgwa o o nepagetseng thata ke go dirisa GPS.
Mofuta wa mmu o amana le bommopa, boserokwa kgotsa bomotlhaba jwa mmu.
Botengmmu ke go leka dillaga dife kana dife tse di ka thibelang kgolo ya medi - se se ka tlhomamisiwa ka go dirisa boro ya mmu kgotsa go epa mosima wa porofaele ya mmu.
Go tlhokega go tlhomamisa maemo a gajaana a tshimo, mme se se tlaa tlhotlheletsa gore masimo a ka dirisiwa mo bogautshwaneng.
Go tlaa aga ka gale go na le lefatshe lengwe le le seng mosola - lona le akaretsa ditsela, dipane gammogo le lefatshe le ntlo e agilweng mo go lona.
Go botlhokwa thata gore dikao tsa mmu di tsewe dingwaga dingwe le dingwe tse pedi. Nontsho ke nngwe ya ditshenyegelo tse dikgolo thata mo ntshodikunong ya dijalo mme go tshwanetse go tlhokomelwe thata gore go dirisiwa monontsha o o nepagetseng mo tshimong e nngwe le e nngwe.
Montshadikuno o ka tshwanela go duelela tseosekaommu. Ano ke madi a a tlaa bong a dirisitswe sentle thata.
O tshwanetse o dirise mokgwa o o nepagetseng go tsaya dikao tsa mmu.
O tshwanetse go tsaya dikao tsa mmugodimo le mmutlase ka bobedi.
Sekao sengwe le sengwe se tshwanetse se tshwaiwe sentle ka leina le aterese ya montshadikuno, leina la polase gammogo le nomore ya tshimo. (Se se ka nna le ditlamorago tse di masisi fa se sa dirwe sentle).
Omnia (le ditlamo tse dingwe tsa menontsha).
Gakologelwa go kopa gore go tlhatlhobiwe le diteng tsa mmopa.
Kopa le katlanegiso ya monontsha ka yona nako eo.
Kabelelotheo ya dijalo.
O ka dirisa metsi a a kana kang?
<fn>PulaImvula. Activities.2009-10.tn.txt</fn>
Ditiro tsa bolemirui - o leka go dirang?
Go ka bo go na le mabaka a mantsi a gore go reng o batla go dirisa lefatshe le o nang le lona.
Go dirisa lefatshe la temothuo le le leng gona.
Temothuo ke go ntsha dijo le tlhale (fibre). Gore o kgone go dira temothuo ka katlego le kitso, go tlhaloganya go go siameng ga dimela, diphologolo, metšhine le tsamaiso di tlaa tlhokega.
Dikarolo tse di farologaneng tsa semela di ka dirisediwa maikaelelo a bogwebi - medi (jaaka mo digweteng), matlhare (jaaka mo khabetšheng) leungo (jaaka diperekisi), kgotsa peo (jaaka mo mmiding). Dimela di ka dirisiwa ka tlhamalalo ke batho le diphologolo, kgotsa dikuno di ka fetolwa go nna mo sebopegong se sengwe.
Kwa tshimologong fela dimela di tlhoka mmu, metsi, mogote, lesedi le dikotla go kgona go gola. Mo kgatong ya kgolo, dimela di na le medi, dikutu le matlhare. Se se dira jaaka bodirelo go thusa semela go dira dipeo tsa sona (go ikoketsa).
Kgogo (dipitse, ditonki le dipholo).
Boammaaruri diphologolo di dira jaaka feketori e nnye, go fetola se di se jang (se gantsi se ntshiwang mo polaseng) go nna se di se ruetsweng (nama, mašwi, boboa, jj.) jaaka motheo, bontsi jwa tiro ya bolemirui ya tota bo tshwanetse jwa bo bo totisitswe ntshodikuno ya dijo tsa diphologolo (sekao montshadikuno yo o dirang ka dikgomo tsa nama o ka tsewa jaaka montshadikuno wa bojang, gonne kwa ntle ga bojang, ga a ka ke a ntsha nama epe go rekisa).
Go ya ka dintlha tse di jaaka mofuta wa polase, tlelaemete, thato ya montshadikuno, mmaraka wa selegae, j.j, montshadikuno o tshwanetse go tsaya tshwetso gore o tshwanetse go rua diphologolo dife.
Dipitse le ditonki - bogolosegolo go goga.
Go dira tiro yotlhe ya polase ka mabogo go ka nna bonya le tlhotlhwagodimo. Tirego ya tirisometšhine e totisitswe segolo go oketsa bokgoni - go dira dilo ka bonako le botoka.
Motswedi wa maatla a kgogo e ka nna dipholo, dipitse, ditonki kgotsa diterekere. Tsona di ka dirisediwa go goga didiriso go lema mmu, go jala dijalo, go laola mofero, go roba dijalo kgotsa go rora (dipalangwa). Tlhopho ya segogi e tlaa ikaega ka metswedithuso ya montshadikuno gammogo le bogolo le mofuta wa lefatshe le montshadikuno a batlang go le bereka.
Tsamaiso e ka tlhalosiwa jaaka kgokaganyo ya dintlha tsotlhe tse di mosola tsa metswedithuso e e gona (lefatshe, dimela, diphologolo, tirisometšhine le matlole) e le gore go tle go fitlhelelwe maikaelelo a ntshodikuno ya dijo, go tlhola lotseno le tiriso ya lefatshe le le gona.
Fa tiro ya bolemirui e tshwanela go atlega, metswedithuso yotlhe e e farologaneng e tshwanetse go dirisiwa ka botlalo - yona e akaretsa madi, batho, lefatshe, dimela diphologolo metšhine le mebaraka.
Tsamaisomatlole le tsholodirekoto ke karolo e e botlhokwa thata ya tsamaiso ya polase, mme se se tshwanelwa go dirwa gangwe le gape le gona ka kelotlhoko e kgolo. Fa o sa dire poelo mo bolemiruing gona go raya gore o bo o na le lotseno lwa sebopego sengwe go etleetsa bolemirui jwa gago.
Tsweetswee a ko o tsee nako go sekaseka dipotso tse di fa tlase - ipotse potso nngwe le nngwe mme o akanye ka bikanyego ka karabo. Fa o sa netefatse sentle ka se tota o batlang go se fitlhelela, kgonagalo ya go retelelwa e kwa godimo thata - fa o sa itse kwa o yang teng, gona o na le kgonagalo ya go sa gorogeng teng.
Dintlha tse di latelang di tshwanetse go akanngwa pele go swediwa ka gore ke dijalo dife tse di yang go jalwa, ke diphologolo dife tse di ka ruiwang, kgotsa go dirwe kopanyo efe ya tsoopedi.
Go reng o dira temothuo?
A polase e tlaa bo e le yona fela motswedi wa lotseno?
Ke batho ba le kae ba ba tshwanetseng go tshela ka polase?
A o tla dira tiro yotlhe ka bowena?
A ntshodikuno e tlaa dirisediwa go itshedisa kgotsa e tlaa rekisiwa?
A o na le lorato lwa tlhago lwa kgwebo nngwe?
O ka solofela poelo e e kanakang mo bolemiruing jwa gago?
A o tlhoka katiso nngwe gore o tokafatse kitso le bokgoni jwa gago mabapi le bolemirui?
Goreng thuolefatshe e e sireletsegileng e le botlhokwa?
A o na le tiriso ya lefatshe ya semolao?
O ka bona lefatshe jang?
A ke lefatshe la gago ka sebele?
A o tokololo ya setlhopha se e leng beng ba lefatshe?
Fa o le tokololo ya setlhopha, setlhopha se kwadisitse jaaka setheo sefe sa semolao?
A lo na le molaotheo/kano ya terasete kgotsa sengwe se se jalo se se laolang kamano magareng ga ditokololo tsa setlhopha?
A go na le ditokololo dingwe tsa setlhopha tse di sa tlholeng di na le seabe mo bolemiruing?
Go ya go diragalang fa ditokololo tse di sa direng sepe tseo tsa setlhopha di boela mo polaseng?
A o na le tetla go nna mo lefatsheng la morafe?
A o na le tumelanokhiro ya semolao?
O hirile paka ya boleele jo bokae?
O dirisa diheketara di le kae tsa lefatshe?
Ke diheketara di le kae tsa phulo ya tlhago?
Ke diheketara di le kae tsa phulo e e jetsweng?
Ke diheketara di le kae tsa masimo?
Ke diheketara tse kae tsa nosetso?
Kgonophudiso yotlhe ya polase ke bokae?
A lefatshe le fitlhelelwa bonolo ka tsela?
Fa o ntsha dikuno tse di bokete (dithoro kgotsa mothamo o mogolo wa merogo) a dillori di ka kgona go di rora?
A lefatshe le gaufi le motsesetoropo foo bogodu e ka nnang bothata?
A lefatshe le sireleditswe ka dikgora tse di siameng?
O na le mefuta efe ya mmu?
Diteng tsa mmopa tsa mmu wa gago ke eng/di kana kang?
Boteng ke bokae?
Mothulama wa mmu o ntse jang?
O solofela pula ya ngwaga ya bokae?
O solofela go bona pula leng?
Ke dikgwedi dife tse ka gale e leng dikgwedi tsa komelelo?
A kgaolo ya gago e amogela serame mariga?
O solofela leng serame sa ntlha sa ngwaga?
O ka solofela leng serame sa bofelo sa ngwaga?
A o na le diterekere le didiriso tse e leng tsa gago?
A o ka hira terekere le sediriso fa o se na tsa gago?
A didiriso tse o batlang go di hira di tlaa bo di le gona fa o di tlhoka, kgotsa o tlaa bo o fodile mo moleng fa setlha sona se tswelela?
Go hira didiriso go tlaa go ja bokae?
A o na le mmaraka wa kuno eo o ikaelelang go e ntsha?
Bareki ba kuno e o ikaelelang go e ntsha ke bomang?
A o na le tshwaragano le bareki?
Tllhotlhwa ya gajaana ya kuno e o ikaelelang go e ntsha ke bokae?
O tlaa gorosa jang kuno ya gago kwa mmarakeng?
A o tlhaloganya diemoboleng tsa kuno e o ikaelelang go e ntsha?
A o na le maitemogelo mangwe ka dikonteraka tsa thekiso?
A o kgona go fitlhelela metsi a nosetso?
A o ikwadisitse le boto ya metsi ya selegae go kgona go dirisa metsi?
O ka dirisa metsi a a kana kang?
O kwadiseditswe go nosa lefatshe le le kana kang?
Fa e le gore o dirisa metsi a sediba, a sediba sa gago se kwadisitswe?
Mothama wa metsi a sediba ke bokae?
Ditlhokego tsa metsi tsa dijalo tse o batlang go di ntsha ke bokae?
O rulaganya go jala eng?
A o itse gore ditshenyegelo ka tlhamalalo ka heketara e tlaa nna bokae (disele, peo, monontsha, dibolayatlhatshana, dibolayasenyi, inšorense ya dijalo)?
A o itse gore ditshenyegelo tse e seng tsa tlhamalalo tsa gago ka ngwaga ke bokae motlakase, morokotso, dituelo, le ditefo, dipaakanyo le tlamelo?
A o na le bokanakang jwa madi jo bo tlhokegang?
A o dirile kopo ya madi?
O ya go duela kelo ya morokotso ka bokae mo kadimong?
Madi a tlaa nna teng leng?
Ka thobo e e magareng, a o tlaa kgona go dira poelo mo dijalong?
O tlaa kgona go tshela jang go fitlhelela dijalo di rojwa?
A o na le sepalamo do isa ditsenngwateng kwa polaseng?
A o na le sepalamo go isa dikuno kwa mmarakeng go tswa polaseng?
Ditshenyegelo tsa sepalamo ke bokae?
A o akareditse ditshenyegelo tse mo thulaganyong ya gago?
A o itse ditsenngwateng tse o di tlhokang go ntsha sejalo?
O ka reka kae ditsenngwateng?
O tlaa tsamaisa jang ditsenngwateng tse?
A o itse dilekanyo tse o tlaa di tlhokang tsa setsenngwateng sengwe le sengwe?
A o dirile thulaganyo ka kelotlhoko?
O nna bokgakala jo bokae le polase e o e dirisang?
O tlaa kgona go ya ga kae kwa polaseng?
A go tlaa bo go na le mongwe yo o tlhokometseng mo polaseng ka dinako tsotlhe?
Go tlaa ja bokae go ya le go boa kwa polaseng?
Fa dithoro di setse di robilwe, o ya go di boloka kae?
Ditshenyegelo tsa polokelo ke bokae?
Dithoo di ka bolokwa ka ditengbongola tse di kana kang?
O tlaa omisetsa kae dithoro go fitlhelela ditengbongola tse di nepagetseng?
A o rulaganya go rekisa dijalo ka bonako kgotsa a o rulaganya go di boloka le go emela tlhotlhwa e e botoka?
A o fitlhelela kemonokeng go tswa balemising ba selegae ba Lefapha la Temothuo?
Ke batho bafe gape ba ba ka go emang nokeng?
A o na le tshwaragano le balemirui ba bagwebi ba selegae ba ba ka bong ba rata go go ema nokeng le go go thusa?
Bantshadikuno ba bagwebi ba selegae ba dirisa mefuta efe ya bolemirui?
A o na le tshwaragano le bantshadikuno ba selegae koo lo ka buisanang ka dintlha tse di matsapa?
A go na le kgonagalo ya gore o ka tlaleletsa boleng jwa sejalo se o se ntshang?
<fn>PulaImvula. AssetsMaize.2009-07.tn.txt</fn>
Jaaka mogwebi le montshadikuno, o tlhoka go nna le kanego e e tlhapileng ya dithoto le melato ya gago. O na le eng sa gago, le gona o kolota eng?
Temothuo ke kgwebo mme temodijalo e dirisa madi a a boitshegang.
Gantsi montshadikuno o tshwanela go adima bontlhanngwe kgotsa bogotlhe jwa ditsenngwateng.
Ditheo tsa kadimo di tlhoka go nna le seemo se se feletseng sa kgwebo ya montshadikuno - di tlhoka go itse ka diteng tsa dithoto tsotlhe ka nepo (di lekanyeditswe boleng ka tshwanelo), mmogo le melato yotlhe. Go le gontsi bantshadikuno ba ngomaela go ka ntsha tshedimosetso e, fela ditheo tsa matlole di na le tshwanelo ya go fitlhelela direkoto tsa matlole tsotlhe (jaaka go totobadiwa ke Molao wa Tseisomolato), mme fa o sa bolele boammaruri jotlhe, di tlaa bona diteng tsotlhe tsa molato mme jaanong o tlaa bo o latlhegetswe ke boleng jwa gago gammogo le kgonego ya kadimo.
Fa o tshwanela go nna montshadikuno yo o tswelelang, o tshwanetse o kgone go duela dikadimo tsotlhe tsa gago - baya dilo tsotlhe mo pepeneneng mme o letle ba ba nang le bokgoni jwa matlole go go thusa.
<fn>PulaImvula. Banner.2007-12.tn.txt</fn>
Ke setlhophathutano sefe se se dirileng benara e e gaisang?
Insert: Kgaisano ya benara ya bosetš haba ya setlhophathutawo se se gaisang!
Nngwe ya diporojeke tsa botlhokwa mo Lenaneotlhabololong la Molemirui la rona ke tlhomo le neeloditirelo ya ditlhophathutano.
Phillip Olivier mo Kapabotlhaba.
Maitlhomo a ditlhophathutano ke: Go rotloetsa balemirui ba ba tlhabologang, ba ba nang le Lefatshe, go dira ditlhophathutano tse di kopanang gangwe le gape go fitlhelela katiso le tshedimosetso mabapi le madirelo a mmidi.
Lwa ntlha monongwaga, Johan Kriel o simolotse kgaisano ya benara e e gaisang magare ga ditlhophatlhutano. Dibenara tse di dirisiwa kwa pitsong ya setlhophathutano, sengwe le sengwe le malatsi a balemirui, go naya balemirui boitshupo le mowa wa bongmmogo.
Ditshwantsho tse di teng fa di supa boleng jwa dibenara. Ka ntlha ya gore kgaisano e e dirilwe fela mo Foreisetata, kgannyana e tlhagisetsa dikgaolo tse dingwe kakanyo e.
Re letile ka tsholofelo go amogela ditshwantsho tsa dibenara go tswa bagokaganying ba porotense - a benara e e gaisang e fenye!
<fn>PulaImvula. Barley(wheat).2011-06-07.tn.txt</fn>
Byline: Johannes Kokome, Motsamaisi wa Ntshokuno ya Garase kwa Botitielong jwa Aforikaborwa (South African Breweries) mo Taung.
Ngwaga wa 2010 e ne le ngwaga o o tletseng dikgwetlho mo temong ya Garase mo Sekemnosetsong sa Taung. Go ne ga kopanwa le dikgwetlho tse di farologaneng tse gareng ga tse dingwe go leng go tsenngwa ga mohuta wa "cocktail," go wa ga serame go go neng ga tswelela go fitlha ka kgwedi ya Lwetse, dipula tse di neleng, sefako le tshugommu e potlana (minimum tillage).
Thagiso ya Cocktail jaaka mohuta o mošwa mo sekemanosetsong sa Taung e ntse kgwetlho e e masisi e go kopanweng le yona. Cocktail e itshupile e le mohuta o o nang le bokgoni jwa go ntsha ditono tse di kwa godimo tota. Mo ditiragalong tsa temo ya garase mo Taung, cocktail ke mohuta wa ntlha go ntsha ditono tse di ntshitsweng mo ngwageng o o fetileng. Go na le masimo a a kgonneng go ntsha ditono di le 7,9 ka heketara. Fa e ne e se ka dikgwetlho tse di umakilweng fa godimo e ka bo e itshupile sentle. Seo se seng sa tshwenya e ntse ditshane le sokoro (naeterojene) tseo di neng di se mo seeming sa tekanyetso ya SABM. Seno se bontshitse tokafalo mo ditonong tsa garase fa e sale e simololwa mo sekemanosetsong sa Taung ka 1981.
Ngwaga wa 2010 e nnile ngwaga o o neng o aparetswe ke serame. Serame se ole go fitlhelela ka Diphalane. Se se raya gore serame se kgonne go wela garase mo dikgatokgolong di le dintsi tse di farologaneng go tswa fa e ne e le dimpa, fa e tsala, fa e le mo kemong ya tege, tota le fa e ne e butswa. Se se amile boleng jwa garase mo go maswe thata. Maemo a bosa a botlhokwa thata mo temong ya sejalo sa garase. Ke ditono di le 1129, tseo sokoro ya tsone e neng e le kwa tlase ga 1,35 tseo di leng mo maemong a a amogelesegang a SABM mo ngwageng o o fetileng. Ke ditono di le 33 tse di rekisitsweng jaaka ditshane.
Pula e e feteletseng le yona e ka ama boleng jwa garase. Ka nako ya thobo ya garase ya 2010, ene gape e le tshimologo ya dipula tsa selemo. Garase e simolotswe go rojwa fa Ngwanaitseele a le robedi, mme fa Ngwanaitseele a le lesomepedi ke fa dipula tsa selemo di simolola. Ka nako eo go ne go robilwe go le gonnye fela ga garase. Masimo a a neng a sa rojwa a ne a tshwarwa ke pula mme a itemogela go mela ga dithoro kgotsa se se bidiwang "pre-germination" pele ga Garase e ka robiwa. Ke ditono tse di ka nnang 546 tse di amilweng ke bothara jo jwa go mela pele ga thobo, mme SABM e ne ya dira dipatlisiso gore e ka thusana jang le balemi, le gona gore e ka dirisa jang garase eno go ba tswela mosola gammogo le balemi.
Sefako se ka isa dikuno le thobo kwa tlase. Ke dihekara di ka nna 140 tse di amilweng ke sefako. Sefako seno se itemogetswe makgetho a ka nna mararo ka tatelano. Go ya ka inšorense tshenyo e ne e farologane magareng ga diphesente di le tlhano go ya masomenne supa (5 - 47%); se se supa ka tsela e thobo e e ileng kwa tlase ka yona. Tshimo e e neng e tlwaelegile ka go ntsha dikuno tse di magareng ga ditono di le thataro le supa, e ntshitse fela ditono tse 4,9 ka heketara.
Go ne go le botlhokwa go batla mokgwa wa go fokotsa ditshenyegelo tsa didiriswa ka ledi la naga le ne le itemogela kwelotlase (recession). Go ne ga nna molemo go dirisa tshugommu e potlana. Mokgwa ono ke wa go fokotsa didiriswa - go dira ditiro di le mmalwa ka tsamao e le yosi. Ka mokgwa o, o ka repa, wa jala, wa tshela monontsha. Mo go diriseng mokgwa o, go kgonnwe go ntsha ditono di le fa gare ga 6,8 ka heketara mo diheketareng di le lekgolo le masomepedi.
Ngwaga o e ne e le o bantshakuno ba rakaneng le dikgwetlho tse dintsi, tse ba ithutileng go le gontsi mo go tsona. Go tswa mo thobong e ke ditono di le 3,688 tse di robilweng jaaka furu.
<fn>PulaImvula. Beef(maize).2011-07-07.tn.txt</fn>
Go baakanyetsa motlhape wa nama wa gago setlha sa mariga se se omileng, go tlhoka thulaganyetso e e rulaganeng. Bantshakuno ba tlhoka go rulaganyetsa le go baakanyetsa setlha se ka kelotlhoko gore go netefadiwe gore go fitlhelelwa dipholo tse di siameng thata tse di tlaa bonang togamaano ya kgwebo e e itekanetseng le e e itshegeleditseng mo tiragatsong.
Mafatshe a phulo ya tlhago ke motswedi wa phepo o mogolo mo loruong lwa fa gae mo Aforikaborwa. Fa mariga a itelekela, mafatshe a a majang a tlhago a simolola go omelela, mme lwa bofelo mothamo wa phepo o o leng teng o wele tlase ka bonako, mme fela jalo le boleng jwa dikotla tse di gona, bo a fokotsega.
Mo marigeng, diteng tsa poroteine ya bojang di kwa tlase, fa diteng tsa "lignin" tsona di le kwa godimo. Fa mafulo a tlhago a se a boleng jo bo siameng dikgomo di latlhegelwa ke nama ka bonako, mme ga a tlhole a kgona go tlamela dikgomo ka dikotla tse di tshwanetseng mo sebopegong sa dilekanyo tsa poroteine tse di ka di fulang mme go sa le jalo gape dilekanyo tse di kwa godimo tsa "lignin" di tlhola gore dikgomo di je bojang bosenene ka di fitlhela gore e bosula mo go maswe. Moruakgomo o ka itlhophela go latela ditogamaano di le mmalwa.
Akanya go rekisa diphologolo tse di sa tsamaisaneng le togamaano ya kgwebo ya pakatelele ka botlalo. Diphologolo tse di tlaa ja dijo tse di ka bong di jewa ke ditokololo tsa motlhape tse di tsalang. Togamaano e e tlaa tlhoka gore montshakuno a bo a baletse gore o tlaa tlhoka setoko se se kana kang sa phepo ya mariga ya tlaleletso go rekwa, le gore o ka kgona go reka ka bokae. Kitso e e kgontsha montshakuno go swetsa gore ke diphologolo di le kae tse a ka kgonang go tswelela go di tshola sentle mo marigeng. Jalo go tlaa tlhokega gore o tlhophe loruo lo lo tsalang lo lo nang le madi a a tlhololo lo lo ka tlaleletsang boleng jwa motlhape mo isagong. Go botoka thata go rekisa diphologolo tse di tlhaoletsweng go rekiswa go sale gale thata pele di simolola go bopama ka ntlha ya tlhaelo ya phepo e bile di sa ntse di nonne sentle le go kgatlha leitlho la moreki go duela tlhotlhwa e e bonalang. Diphologolo tse gape ga di ne di tlhola di direla morui ditshenyegelo dipe mme gape ga di ne di tsenya kgatelelo mo mafulong a a leng teng fa setlha se fetoga. Ela mmaraka tlhoko gonne ditlhotlhwa di ganelela go wela tlase fa go rekisiwa palo e ntsi ya diphologolo fela pele ga mariga. Lotseno lo lo bonweng go tswa mo dingweng tsa motlhape lo ntse lo ka nna le seabe se segolo mo go kgontsheng morui go kgona go bona furu ya mariga e e tlhokegang go tlholela pelo ya motlhape e e setseng maemo a a kgonegang a a siameng thata go kgonwa go tsamaisiwa sentle mo dikgweding tsa mariga.
Phokotsoloruo e ka boloka nako, madi, mafulo le metswedi ya mmu, mme e tota e le botlhokwa go tsewa tsia jaaka sediriso sa tsamaiso mme e bile gape, diphologolo di ka nna tsa emisediwa ka tse dingwe kwa bokhutlong jwa paka ya komelelo fa tekanyetsokabo e tsamaisitswe sentle.
Phepo ya tlaleletso ke karolo ya motheo ya tsamaiso ya loruo mo pakeng ya go kgabaganya mariga.
Mo dipakeng tsa komelelo tse di atologileng fa mafatshe a phulo a na le dikotla tse di sa lekaneng tsa loruo, diphologolo di tlaa dirisa mafura a di a ipeetseng, se se ka bakang tatlhegelo ya boima le maemo. Miakatlapelo, poroteine le faeba ke dikarolwana tsa botlhokwa tsa phepo ya diphologolo mo ngwageng otlhe mme phepo ya tlaleletso e ka fitlhelela ditlhokego tse fa morui a a tlamela ka metswedi ya phepo jaaka setoroi, dithoro, metswakophepo e e dirilweng le diboloko tsa dilatso tsa tlwaelo go tlaleletsa mafulo a a setseng.
Fa bantshakuno ya nama ba sa rulaganye ditogammano tsa phepo tsa bona go sa le gale, go ka itemogelwa ditatlhegelo tse di boitshegang tsa ditšhelete fa e le gore furu ka tshwanela go rekwa go setse go le thari, fa ditlhotlhwa tsa furu di le kwa godimodimo. Balela ditshenyegelo go sale gale mme o akaretse ditshenyegelo tsa dipalangwa mo palong eo. Swetsa gore a o ka dira botoka fa o reka ka mokoa kgotsa ka kgetsi. Ditshenyegelo tsa lookwane di ka ama tekanyetso ya gago.
Tatlhegelo e nngwe e e sa bonaleng ke tatlhegelo e e sa tlhokegeng e e diragalang ka ntlha ya kelo ya go dusa e e bokoa ya dikgomo tsa motlhape le kwa bofelong tatlhegelo ya lotseno go tswa mo dinamaneng tse di ka bong di tsetswe go sa le gale mo selemong se se latelang. Boammaaruri ke gore go netefaditswe gore le fa dikgomo di bopama ka nako ya go tsala kelo ya go dusa e tlaa fokotsega mo malatsing a le 60 go ya 90 morago mo nakong ya go palangwa; ka jalo le tlhotlheletse ka tsela e e sa siamang modiko wa go palangwa (gwelwa) otlhe o o latelang.
Fa diphologolo tse di fulang di tsenngwa la ntlha mo direšeneng tse dintšhwa go di baakanyetsa setlha se e omileng, go tshwanetse go dirwe ka iketlo ka jaana paka ya kgabaganyo ya dibeke di ka nna nne e tlhokega. Simolola ka phepotlaleletso go sa ntse go na le kobo ya bojang e e bonalang mo nageng le pele diphologolo di latlhegelwa thata ke maemo. Tlhagisa furu e ntšhwa ka iketlo ka gore diphetogo tsa phepo ka tshoganyetso di ka tlhola bolwetse. Setoko sa dithoro ke sona bogolosegolo se tshwanetsweng go tlhagisiwa ka kelotlhoko e tona ka gonne diphologolo di ka ja ka bogagaru mme tsa bipelwa. Sebako se segolo sa pipelo ke setatšhe se sentsi le faeba e e silegang e le nnye mo rešeneng. Setoroi le digwata ke dielemente tsa botlhokwa mo motswakong gonne di lekalekanya njo le go thusa go thibela bolwetse. Direšene tse di tswakilweng sekgwebo di siame thata e bile di lekalekana sesaense, fela di a tura. Morui yo o rulaganeng sentle o tshwanetse go kgona go itirela motswako a dirisa sena nang le sona kgotsa se a ka se fitlhelelang mo tikologong. Go botlhale ka gale go bona kgakololo mo baitseanapeng ba kotlo ya diphologolo ba selegae ka tswako e e siameng gonne setlhopha sengwe le sengwe sa loruo se tlaa nna le ditlhokego tsa kotlo tse di farologaneng.
Tota le mo pakeng ya komelelo, morui o tshwanetse a bo a ntse a tsamaisa naga. Ga e a tshwanela ka gope go letlwa go fulwa phetelela mo pakeng e, gonne mmu o o sa aparang o oketsa riseke ya gore mmu o o boleng o fokiwe ke phefo kgotsa go gogolwa ka nako ya dipula tsa matsubutsubu mme bontsi jwa dikotla tsa boleng di mo mmugodimong. Fa paka ya komelelo e leelefala, barui ba tshwanetse ba akanye go tshola loruo mo dikgaolong tse dinnye le go lekanyetsa tshenyo e di e tlholang mo dimeding tsa tlhago.
Pholo ya diphologolo e tshwanetse go bewa leitlho ka kelotlhoko e kgolo gonne tlhaselo ya dinwamadi le malwetse mo loruong e oketsega gantsi mo dikgweding tsa komelelo gonne diphologolo gantsi di nna bokoa mo maemong a komelelo.
Ntlha e e turang thata ya tsamaiso ya motlhape wa nama ke paka ya phepo ya mariga; ka jalo e tshwanetse go tsamaisiwa ka kelotlhoko go netefatsa gore melapoelo e itekanetse. Morui mongwe le mongwe o tlaa swetsa gore ke leano la tiragatso lefe le le tlaa tshwanelang maemo a a tlhaolegileng a gagwe, e ka nna mo polaseng le mo kgetseng ya gagwe. Ka dinako dingwe o tlaa dirisa phepo ya tlaleletso fela go tshegetsa diphologolo tsa gagwe mo dikgweding tsa mariga fa ka dinako dingwe tshalelo e e utlwalang ya matlole kwa bankeng e ka mo kgontsha go netefatsa gore mafusediwa a gagwe a tswelela go oketsa boima letsatsi le letsatsi. Montshakuno ya nama yo o atlegileng o tlhoka go laola phulo ya gagwe ka nepo, a dirise kelothuo e e nepagetseng le go dira gore selemo se nne seleele ka fa go ka kgonegang ka teng.
<fn>PulaImvula. BioEthanol.2008-03.tn.txt</fn>
Baeyoethanolo - go diragalang mo dipoletiking?
Fa o ntse o etse dikganetsano tsa dibaeyofuele tlhoko mabapi le maikeimisetso a tlhabololo a teng, gona o tlaa itse gore go na le tshwenyego e tona, mabapi le tiriso ya mmidi, motswedi wa botlhokwa wa dijo, go dira leokwane (fuel). Go ntse go le jalo go na le batsayaditshwetso ba ba sedimoseditsweng ba ba dumelang gore mmidi o ka nna le tshusumetso e e siameng mo tshireletsegong ya dijo, mo madirelong a ethanolo.
Balemi ba mmidi ba tsenngwa mo maemong a a masisi thata mo ditlhotrhweng tse di duelelwang dikuno tsa tsona go ya fela ka gore a thobo ke ya pholô kgotsa nnyaya. E ne e le ka setlha sa thobô e kgolo thata fa ditlhotlhwa tsa mmidi di ne di wela kwa tlasetlase ditlha tse pedi tse di fetileng mme bantshadikuno ba mmidi ba simolola ka mafolofolo go batlela dithoro tsa bona mebaraka e mešwa.
Raikonomimogolo wa Grain SA, Wessel Lemmer, o rile Aforikaborwa o ntsha ditono tse 8,6 tsa dimilione tsa mmidi ka ngwaga, ntswa a na le kgono ya go ntsha ditono di le dimilione di le 12. Go feta diheketara di le dimilione tse di gona tsa masimo ga di dirisiwe ka ntlha ya mebaraka e e bokoa mo dingwa someng tse pedi tse di fetileng. Balemi ba ne ba tshwanela go lepalepana le ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tse di tlhatlogang ka bonako kgatlhanong ga ditlhotlhwa tsa mmidi le.tse di belaetsang le go fetofetoga, selo se se dirang gore ntshodikuno ya mmidi e se ke ya nna le poelo kgotsa yona tshireletsego. O rile: "Fa re ka nna le mmaraka wa ditono di dimilione tse tharo tse di ka kgonegalang, gona re tla bo re dira tshwaelo e kgolo thala mo kgolong ya ikonomi ya naga".
Fela go na le bannaleseabe ba bangwe ba ba boifang gore dirisa mmidi jaaka motswedi o mongwe wa maatla go ka tlhatlosa ditlho tlhwa tsa sejosegolo le go tshosetsa tshireletsego ya dijo mo setšhabeng se se ikantseng mmidi go tlamela batho ba sona ka sejo sa motheo. Mo go Phukwi, 2007, Jona ya Saense le Thekenoloji Mosibudi Mangena, o rile batlhankedi ba simolotse go botsolotsa botlhale jwa go dirisa mmidi jaaka motswedi o mogolo wa maatla a a ntshwafadiwang. Dingwe tsa dipotso tse di bodiwang ke tse: "fa re tsena mo ntshodikunong ya ethanolo go tswa mo sukiring le mmiding, se se ya go kaya eng mo tshireletsegong ya ya dijo" o buile jalo.
Mo go Phatwe, 2007, Motsamaisi wa Bankabogare ya Aforikaborwa, Jito Mboweni, tsibositse gore moono wa lefatshe go dirisa mmidi jaaka motswedi wa ethanolo go tlhodile gore ditlhotlhwa di tlhallogile thata. O gakolotse mmuso gore le fa a amogela tlhokego ya go ntsha dibaeyofuele, o ne a tshwenyegile ka mmidi-go-ethanolo o ne a dumela gore tsela e e siameng ke ya sukiri-go-ethanolo.
Grain SA, mmogo le Agribusiness Champer, Khansele ya Boetšhaba ya Mmaraka wa tsa Jemothuo, le baemedi ba Mokgatlho wa Dibaeyofuele wa Aforikaborwa, ba ne ba kopana le rre Mboweni mme ba mo naya pegelo e e sedimositseng ditlhotlheletso tse di siameng tse ntshodikuno ya mmidi-go-ethanolo e ka di dirang mo ntshodikunong ya mmidi le mo tshireletsegong ya dijo.
Moperisitente wa Mokgatlho wa Dibaeyofuele wa Aforikaborwa, o dunela gore madirelo a dibaeyofuele a tlhagisa tšhona ka nttha ya mabaka a mantsi. A tlaa gogela dipeeletso kwa dikgaolong tsa magae, le go godisa tlhabololo ya temothuo e e eletsegang thata koo e e tlaa amang thata bontsintsi jwa balemi ba bantšhwa mo nageng eno. Mokgatlho wa Debaeyofuele wa Aforikaborwa o rata gore Aforikaborwa a itseele molebo wa "multi-feedstock" o tlaa akaretsang mmidi, fela gape le letlhakasukiri, "sugar beet", mabele a monate le magelethoro, gareng ga tse dingwe.
Kemonokeng e nngwe ya madirelo a mmidi-go-ethanolo ka Mokaedimotsamaisi wa Monsanto mo sub Saharan Africa, Kobus Lindeque. O dumela gore porojeke ya ethanolo-go-mmidi efe le efe ka tlhokego e kgolo thata ya yona ya mmidi, e ka tlamela ka tšhono e e siameng tota mo pusong ya go tsenya balemiriu ba bantsho mo dipolaseng jaaka karolo ya maikemisetso a tlhabololo a lefatshe.
Morago ga tiego e telele, mmuso o ne wa bega Jogamaano ya Debaeyofuele ya yona go sale gale mo go Sedimonthole, 2007.
"Phetogo e e bonalang mo togamaanotlhomong ke go tsaya tsepamisemaikutlo ya pakakhutshwane (tekelelo ya dingwaga tse 5) go fitlhelela selekano sa tsenelelo ya dibaeyofuele ya 2% mo tlamelong ya leokwane la seedi ya bosetšhaba, kgotsa dilitara di le dimilione tse 400 ka mgwaga: Ntlhaphopholetso e sekasekilwe sešwa le go fokodiwa go tswa go 4,5% e e neng e tshikintswe kwa tshimologong mo setlankaneng sa togamaanotlhomo, Go tshikinngwa dijalo tse di latelang go dirisiwa mo ntshodikinong ya dibaeyofuele mo nageng: mo go baeyoethanolo: belthakasukiri le "sugar beet", mme mo baeyodiseleng, sonobolomo, "eanola" le dirawa tsa soya. Hogelo ya dijalo le dimel tse dingwe jaaka mmidi le le gatropha e ikaegile ka tshwenyego ya tshireletsego ya dijo. Dipatlisiso go ya pele di sa ntse di tlhokega go lekelela tirisego ya dilo tse mo nageng.
"Kgonego ya palo ya babeeletsi e supile kgatlhego mo tlhabololong ya dibaeyofuele Bagwebi bangwe la madirelo a sukiri, ba Petse ba ntsha baeyoethanolo ya mebaraka ya alekhoholo e e akgiwang le ya thomelontle e bile ba tsweletsa kgono ya leokwane la ethanolo mo dinageng tse di mabapi Balemi bangwe ba mmidi, ka tshwaragano le babeeletsi ba poraefete, ba begile maikaelelo a bona go aga difeketori tsa mmidi-go-ethanolo di le mmalwa. Se se gananye ka ntlha ya ketsetsego ka melawana le dithotloetso le ka ntlha ya tlhatlogo e e utlwalang ya ditlhotlhwa tsa mmidi tsa selegae le legatshe. Hhattogo ya ditthotlhwa tsa mmidi e diragetse bogolosegolo ka ntlha ya Amerika (USA) e e ntshang go ka nna 50% ya mmidi o o rekisiwang wa lefatshe, e sutisetsa 25% ya ntshodikuno ya dijalo tsa yona kwa ethanolong, gammogo le go phimola ka bonya tshegetso ya thomelontle ya tsa temothuo. Ditlhaltogo tsa tlhotlhwa ya mmidi ya lefatshe le tlhaelo ya dijo tsa motheo kwa Mexico, tse di golaganngwang ka tlhamalalo le pedetso mo dibaeyofueleng, di tthotlheleditse Aforikaborwa go se akaretse tiriso ya mmidi mo dikgatong tsa tshimologo tsa tswebetso ya dibae yo fuele."
Go sebokanya, mmuso o tlhagisitse tshwenyego ya ona ka tshireletsego ya dijo fa ne bega tshwetso ya ona go tlosa mmidi mo lenaneong la dijalo mo dikgatong tsa tshimologo tsa togamaano ya dibaeyofuelo ya ona e e sa ntse e tshikinya ntshodikuno ya dibaeyofuele ya 2% ka 2013.
Ka taletso ya Fona ya Temothuo le Merero ya Mafatshe Mhna Lulu Xingwana, go ne ga tshwarwa dipwsano ka Labone, Sedimonthole 13. 2007, magareng ga Lefapha la gagwe, Grain SA, Agri SA le NAFU. Puisano e ne e le ka ga tshwetso ya Kabinete ya go se akarese mmidi mo togamaanong ya madirelo a baeyofuele. O boletse gore tshwetso ya Kabinete e ne e thaetsiwe mo tshwengegong ya yona ya gore ga go ne go nna le mmidi o o lekaneng mo tlamelong e e tswelelang mo madirelong a baeyoetshanolo kwa ntle ga go kgoreletsa tshireletsego ya dijo.
O tlaleleditse ka gore e ne e se maikaelelo a Kabinete go tlogela mmidi fa e le go ntshitswe legiso la ona le gore go sa ntse go tlaa kgonega go tshwara dipiusano go ya pele mabapi le se le Fona ya Dimenerale le Maatla Mhna Buyelwa Sonjica le kabinete. Dipatlisiso tsa tlaleletso ka setlhophatiro ya dibaeyofuele, di a tshwanela, fela fa Aforikaborwa e ka ntsha mmidi o montsi go na le o o ka dirisediwang tiriso ya selegae.
Go tsweletsa tirego pele ka se sebaka, ke maikarabelo a madirelo go ntsha mmidi o montsi go ka tlamela tona ka mabaka a a tlhokegang gore a kgone go kgwedisa kabinete go akaretsa mmidi mo togamaanong ya madirelo a dibaeyofuelo. Kgang ya botlhokwa thata e tshwanetseng go tlhagisiwa ke gore go tlhamiwa ga mebaraka e mešwa ya mothamo wa ntshodikuno ya lefetiso le le rebotsweng mo godimo ga patlego ya gajaana go tlaa tshwaela ka mokawa o o siameng mo tshireletsegong ya dijo.
<fn>PulaImvula. Boom.2008-11.tn.txt</fn>
Di ntsha phatlalatso e e lekalekanang fa di lomagantswe ka tshwanelo.
Di na le dikuno tse di kwa godimo ka kgatsho e e betaganeng ka fa tlase ga ntlhana nngwe le nngwe.
Di na le kuno e e fetofetogang - "overlapping and underapplying".
Mabapi le ntshodikuno ya dijalo, kgatsho gantsi e dirisediwa go bolaya mefero, go bolaya ditshenekegi kgotsa go tshela phepomatlhare (monontsha o o monyelwang ka matlhare). Mo kgannyaneng e re sekaseka dikarolwana tsa sekgatshi sa 'boom le gore se bereka jang.
Go kgatshetsa mefero go ka dirwa pele mefero e tlhoga (kgatsho ya pele-ga-tlhogo), kgotsa fela fa mefero e setse e eme mo masimong (ya morago-ga-tlhogo). Sona se se ka diragala ka ditshenekegi le dibokwana - ka dinako tse dingwe o kgatsha mmu fela morago ga jalo go bolaya ditshenekegi le dibokwana tse di ka bong di le mo mmung; kgotsa o kgatsha ka tlhamalalo mo ditshenekeging (se se itsege ka kgatshokamano mme e bolaya ditshenekegi ka tlhamalalo), kgotsa o ka kgatsha semela mme tshenekegi e swe morago ga go ja semela se se botlhole (se se bidiwa kgatsho ya thulaganyo) - tshenekegi e bolawa ke go ja semela se se botlhole mme e seng ke marothodi ka boona.
Go botlhokwa go tlhaloganya gore kgatsho e tshwanetse go dirwa ka kelo e e rileng ka heketara fa e tshwanela go nna le phitlhelelo e e batlegang. Ga go a siama go tshela botlhole jo bonnye ka heketara ka gore ga o ne o fitlhelela dipholo tse di batlegang, fela gape ga go a siama go tshela botlhole jo bontsi ka gore go tlhotlhwagodimo thata e bile go ka nna kotsi.
Marothodi mo sekgatshing a ka nna makima kgotsa mannye. Fa marothodi a le makima gona ga a kitla a amiwa ke phefo thata, fela gape gona a tlaa relela ka bonako mo matlhareng. Kgatsho ya marothodi a masesane ga e relele bonolo mo matlhareng, fela a ka phailwa ke phefo ka nako ya tshelo.
Fa kgatsho e le ya marothodi a masesane, gona o tlaa dirisa seedi se sepotlana - fa a le makima o tlaa dirisa seedi se sentsi. Kgatsho ya marothodi a masesane gantsi e akaretsa kgaolo ka botlalo fa e le gore ka marothodi a makima gona kgaolo e e fa gare ga marothodi e ka nna kgolo ka jalo dikgaolo dingwe di ka nna tsa se fitlhelelwe ka tlhamalalo.
Go botlhokwa thata gore o kgatshe ka nako ya kgatôkgôlô e e siameng (ya mofero) kgotsa ka tlhaselo e e kwa godimo (ya ditshenekegi). Go sa ntse gape go le botlhokwa go latela ka botlalo ditaelo tse di amanang le nako ya letsatsi e kgatsho e ka dirwang ka yona, le dintlha tse dingwe jaaka ngodiego ya komelelo mo dijalong. Ga go mosola go kgatsha mefero e setse e ungwile ka gore dijalo tsa mofero tsa ngwaga o o tlang di setse di le foo, kgotsa gona go emela mofero go gaisanela le dijalo bongola le dikotla, o bo o kgatsha; gape ga go fokotse ditshenyegelo go kgatshetsa dijalo tshenekegi e e rileng fa go bonala ditshenekegi di se kae fela. Gape le gona ga go mosola go ema go fitlhelela dijalo di setse di kgaphogile pele o kgatsha ditshenekegi.
Dikgatshi di dira jang?
Dinosele tsa sekgatshi tse di farologaneng di dirilwe go ntsha dipaterokgatsho tse di farologaneng. Go na le dinosele le bogolo jwa dinosele jo bo farologaneng. Fa go kgatshiwa mmu go gakololwa gore go botoka go dirisa paterokgatsho ya sebopego sa fene, fa e le gore paterokgatsho ya sebopego sa khoune yona e ka dirisiwa fa go kgatshiwa mo dimeleng.
Pompo e a tlhokega go ntsha seedi mo tankeng ya sekgatshi. Pompo e tlhoka go dira kgatelelo mo seeding gore nosele e kgone go kgatsha go ya ka modiro wa yona.
Go na le mefuta ya diforeime e e farologaneng e di-boom di gokeletsweng mo go yona. Di-boom di ka phuthiwa fa go tsamaiwa ka tsona le go bulwa - e ka nna tsa haeteroliki kgotsa tsa diatla. Mo foreiming ya sekgatshi, go na le ditshetelo tse di ka dirwang go tsholetsa kgotsa go diga di-boom. Ditshetelo tse le tsona di farologana go ya ka sekgatshi le sekgatshi mme dingwe di laolwa sehaeteroleki fa mo go tse dingwe go na le thulaganyo ya diboutu tse di ka setelwang.
Ditanka di tshwanetse go bo di dirilwe ka dimetheriale tse di ka emelanang le jego, sekao, "stainless steel, galvanised steel kgotsa fiberglass". Dimetheriale tse di dirisitsweng gantsi ga di tswelelele, mo go rayang gore ga go kitla go nna le masalela a botlhole mo tankeng morago ga tiriso.
ka tlholang jego, ka se se ka isa kwa go dutleng.
Pompo le dikarolwana tsotlhe tsa yona e tshwanetse ya bo e le mo maemong a tiriso a a siameng. Disili tsa pompo, direng tsa O, kgotsa diwašara tsa khapo tsa letlalo kgotsa materiale wa risitemetiki di ka oma le go gonyela fa sekgatshi se na le nako e telele se sa dirisiwe kgotsa se sa bolokwa ka tshwanelo. Setlhaolosi mo metswakong mengwe ya dibolayatshenekegi se ka senya disili tsa pompo, se se ka tlholang go dutla go dikologa pompo kgotsa go pompa go go bokoa.
Dipompo tse dintsi di logediwa ka oli, mme go botlhokwa thata gore selekanyo sa oli se tlholwe gangwe le gape go tlhomamisa gore se fa godimo ga letshwao la minimamo.
Emisetsa mathumpo otlhe a a phanyegileng kgotsa a dutlang ka a a siameng. Gakologelwa-mathumpo a a dirisitsweng go tshela dibolayasenyi ga a kitla a kgona go phepafadiwa gotlhelele. Go tlaa sala ka gale go na le masaledi a sebolayasenyi mo go ona. A a ntshitsweng a tshwanetse a latlhiwe ka tshwanelo mme a se ke ka gope a boa a dirisediwa tiro nngwe gape.
Dirisa difeletara ka gale fa sekgatshi se dira. Tsone di sefa leswe le dikarolwana disele tse di ka thibanyang dinosele le go fokotsa tiragatso ya sekgatshi.
Kgatelelo ya seedi mo thulaganyong ya sekgatshi e beilwe leitlho (lekanyediwa) ke selekanyakgatelelo. Selekanyi se lekanya kgatelelo ya sekgatshi ka dinosele fa se tsentswe magareng ga selaolakgatelelo le dinosele tsa kgatsho. Kwa bofelong, phetogo ya kgatelelo e ka raya kgonego ya go sa direng sentle. Netefatsa gore dilekanyakgatelelo di mo maemong a tiro a a siameng e bile di khaleboreitilwe sentle.
Go na le belofo ya namolokgatelelo mo thulaganyong e e ka dirisiwang go setela kgatelelo mo thulaganayong. E ka bulwa go letlelela selekanyo se se tlhokegang sa motswako wa sekgatshi go fitlhelela dinosele, mme o o salang wa boela mo tankeng, kgotsa e ka bulwa gotlhelele, se se rayang gore motswako wa sekgatshi o tlaa dikolosiwa mo thulaganyong. Se ke ntlha ya botlhokwa e e thibelang ditswaki tse di tshelang go ikgata kwa tlase mo tankeng fa go ikhuditswe. Gale go na le dithepe tse dingwe tse di ka tswalang sekgatshi go ya dikarolong tse dingwe tsa sekgatshi tse di letlang kgaolo ya kgatsho e tshesane kgotsa sephara.
Digokaganyi tse di sa bofegang le tse di phanyegileng gantsi ke tsona motswedi wa go dutla. Netefatsa gore digokaganyi le ditlelempe di bofegile sentle pele ga go baya thulaganyo mo kgatelelong le go pompa seedi. Gangwe fela fa thulaganyo e le mo kgatelelong, tlhola mo go ka dutlang.
Itlwaetse go tlhola dinosele go netefatsa gore ga di a thibana. Dinosele tse di onetseng di raya gore go kgatshiwa khemikale e ntsi mme gantsi go tlhola dipateronekgatsho tse di sa tsamaelaneng le dipholo tse di sa tlhomamisegeng. Diphatlhana tsa nosele le tsona di ka fetoga, bogolosegolo fa metswako e e jang, jaaka dipoere tse di kolobediwang, di dirisiwa gangwe le gape. Di emisetse ka tse dingwe fa konalo e baka gore kelelo e fete ya ntlhana e ntšhwa ka 5-10%.
<fn>PulaImvula. BusinessMaize.2009-06.tn.txt</fn>
Go kologanya lenaneo la se se tlhokegang go tsamaisa kgwebo go ka nna lenaneo le le tsolotaneng le go farologana. Ditlhokego le ditlamelwana di tlhotlhelediwa ke mabaka jaaka mofuta wa kgwebo, bogolo, nako, jj.
Fa e le kgwebo ya temothuo se se tlaa tsenyeletsa ditlhokego tse di jaaka lefatshe, metsi, phulo, tlamelo ka matlo bodirelo, bogamelo, didiriso tsa nosetso, dipalangwa, metšhine, diterekere, dithulusu, bodiri kgotsa bothapiwa, madi le batsamaisi. Ka kakaretso ditlamelwana tse di tlhokegang tseo di arogantshitswe jaaka botsamaisi, lefatshe, khepitale le badiri.
Ditlamelwana tse di tlhagisiwang ke (di itsege gape jaaka mabaka a ntshodikuno).
Lefatshe - le le akaretsang lefatshe la tota, naga, mafulo, dikago le dibopego tse di tlhomameng tse dingwe jaaka masaka, ditoro, matlo a loruo le go teratelela.
Khepethale - e e raya madi tota le dithoto tse dingwe jaaka dirori, diterekere, dinku le dikgomo.
Botsamaisi - motho kgotsa batho ba ba tsayang ditshwetso mabapi le tsamaiso ya kgwebo.
Kwa ntle ga badiri, ba ba ka se keng ba nna thoto ya kgwebo, mabaka a ntshodikuno a mangwe le tsotlhe tse di akaretsang a ka nna thoto ya kgwebo, kgotsa a adimiwa kgotsa a hiriwa go tswa setheong se sengwe. Fa lefatshe, khepetlele le botsamaisi di adimilwe kgotsa di hirilwe, mabaka a ntshodikuno a itsege jaaka mabaka a kwa ntle. Lebaka ke la setheo se sengwe. Setheo se sengwe kgotsa mong o tshwanelwa jaanong go lefelwa tiriso ya lebaka le - ka mafoko a mangwe go na le theko kgotsa ditshenyegelo tse di amegang. Ditshenyegelo di bidiwa ditshenyegelo tsa lebaka la kwa ntle mme ka totobalo di bidiwa.
Tuelo - tefelo ya tiriso ya botsamaisi jwa kwa ntle.
Tlhokomela gore bodiri, le mororo bo ka se ke jwa nna thoto ya kgwebo, ga bo tsewe jaaka lebaka la kwa ntle. Ka jalo, tshenyegelo e e tlhagelelang ka ntlha ya tefelo ya bodiri - ditefo le tsotlhe tse di di akaretsang, ga se tshenyegelo ya lebaka la kwa ntle. Bodiri bo tsewa jaaka tshenyegelo ya ntshodikuno ya gale le/kgotsa e e sa tlhomamang. Mothapiwa o tlamela ka kgono ya tota ya gagwe le/kgotsa bokgoni le/kgotsa kitso mo kgwebong, tse di duelelwang.
<fn>PulaImvula. BusinessMaize.2009-07.tn.txt</fn>
O tshwanetse go tlhopha kgwebo ya sebopego sefe?
Tlhopho ya sebopego sa kgwebo ke tshwetso ya botlhokwa thata fa o tlhoma kgwebo e ntšhwa. Lebaka ke gore sebopego sa kgwebo se na le bokao jo bo boitshegang mo botsamaising, kemo ya beng le batsamaisi mmogo le merero ya matlole ya kgwebo e ntšhwa.
Sengwe le sengwe sa dibopego tsa kgwebo tsa botlhokwa tse thataro tsa Aforikaborwa se a tlhalosiwa. Tlhaloso e ikaegile ka dipharologantsho tsa botlhokwa di le supa. Direfosanngwa tsa dibopego tsa kgwebo di akaretsa kgwebo ya mong a le esi (sole proprietorship), semphato (partnership) setlamo (company) mokgatlhotekanyetsi (close corporation) kgwebo ya terasete (business trust) le koporasi. Dipharologantsho tse supa di akaretsa mofuta wa sebopego sa kgwebo nngwe le nngwe, dintlha tsa bogonetshwaraganelo le boikarabedi, ditsamaiso tsa tlhomo, maikarabelo a tsamaiso, kabelanopoelo le tuelolekgetho, ditšhono tsa tlamelo ka matlole le botsweledi. Mo kgannyaneng e re tlogela puisano ka ditlamo le dikoporasi ka gore ka botsona ke dintlha tse dikgolo tse di tshwanelang go ema ka botsona mo dikgannyeng tse di tlang.
Kgwebomongesi e botlhokwa mo dikgwebopotlaneng ka gore e batla khepetlele e nnye e bile e bonolo go e tlhoma le go e tsamaisa. Fela le gale ditiro tsa seikonomi tsa kgwebomongesi gale di lekanyeditswe.
Kgwebomongesi ga e na bogonetshwaraganelo ka jalo e ikaegile ka boitekanelo jwa mmele le tlhaloganyo, gammogo le seemotsholelo sa mong. Lebaka le gape le sa ntse le baya dithoto tsa mong mo kotsing. Go palelwa ga kgwebo go tlaa tlhola go tšhona ga mong ka sebele.
Tlhomo e bonolo thata gonne go batlega gore mong a kwadise leina la kgwebo le go nna le laesense ya go gweba. Ga go na ditlhokego tsa tlaleletso dipe tse di beilweng tsa kgwebomongesi, kwa ntle fela ga molawana o o tlhaolegileng oo kgwebo nngwe le nngwe ka boyona e ka patelesegang go o dirisa. Sekao sa se e ka nna melawana ya boitekanelo e e dirang mo diresetšhuranteng.
Dikgwebomongesi gantsi di itsamaisediwa ke beng. Fela le gale mong o ka rata go thapa motsamaisi go mo direla. Go tshwanetse go gakologelwe gore ditšhono tsa kgodisotirong mo dikgwebomongesing di lekanyeditswe thata.
Ka dikgwebomongesi gantsi di tsamaisiwa ke motho a le esi, di kgona go inyalanya ka bonako le diphetogo. Ntlha e e bokoa ka maemo a motsamaisimong ke gore kitso ya motho yo o tsamaisang e ka bo e lekanyeditswe mabapi le bogolo jo bo tlhokegang jwa tiro ya botsamaisi. Go bokete mo mothong a le esi go laola ka botlalo dintlha tsotlhe tsa tlamelo ka matlole, thekiso, bodirisi, theko le tsamaiso le badiredi.
Ka go sena pharologantsho magareng ga dithoto le melato ya mong le ya kgwebo, dipoelo tsa kgwebo dingwe le dingwe di dira karolo ya lotseno lwa sebele lwa mong. Ka jalo ga go na lekgetho la tlhamalalo le le kgethisiwang kgwebo, fela mong o kgethisiwa ka seemo sa sebele sa gagwe mo dipoelong tsa kgwebo. Fela le gale mong o na le tshwanelo ya dikgogelolekgetho tsa sebele ka esi tsa gale.
Kgwebomongesi ga e na bogonetshwaraganelo. Ka jalo mong o rwala maikarabelo a magolo a go tlamela ditiro tsa kgwebo ka matlole go tswa metsweding ya gagwe. Se se raya gore tlamelo ka matlole le ditšhono tsa katoloso tsa kgwebomongesi di lekanyeditswe go ya ka bokgoni jwa tseisomolato jwa mong. Peeletsosešwa ya dipoelo tse di tswang mo ditirong tsa kgwebo ke motswedi wa botlhokwa wa khepetlele ya kgwebomongesi.
Kgwebomongesi e dira karolo ya boswa jwa mong. Loso kgotsa botšhoni jwa mong di sa ntse gape di tswala kgwebo. Fa kgwebo e rekisiwa e khutla go tswelela go nna teng mo leineng la morekisi, fela e tswelela go dira mo leineng la moreki. Fa mong a batla go rekisa kgwebo, dikitsiso dingwe di tshwanetswe go dirwa go sireletsa bakolotisi ba kgwebo.
Fa mong a btla go fedisa kgwebo, ga go tlhokege ditsamaiso dipe tsa thulaganyo. Ka gore melato kgotsa kgwebo e sala go nna maikarabelo a mong, khutliso ya ditiro e tswala kgwebo ka botlalo.
Dimphato gale di dirisiwa thata ke barutegi jaaka dingaka le babueledi. Gape dimphato di siametse mabaka a a tlhokang dipalo tse di magareng tsa khepetlele, kgotsa foo go dirisiwang dikgono tsa tsamaiso tsa go feta motho a le mongwe. Semphato ke tumelano ya konteraka magareng ga batho ba babedi kgotsa go feta. Palo ya semphato ga e a tshwanela go feta 20.
Bomphato ba ba sa tlhageleleng le ba sephiri.
Bathotshwaraganelo ba na le tshwanelo ya go nna ditokololo tsa semphato fela jaaka batho ba tlhago. Sekao sa se se bonwa fa palo ya ditlamo e e rileng e bopa setlamogadi (consortium). Bomphatobagolwane ba farologanngwa mo go bomphatopotlana go ya ka palo ya dingwaga mo semphatong sa bokanakang jwa khepetlele e e beeleditsweng mo semphatong. Bomphato ba ba theogetseng ban a le seabe mo tsamaisong ya semphato, fa bomphatokgobalala ba sa dire jalo. Bomphato ba ba sa tlhageleleng ba itsege fela mo matlhakoreng a a dirang ka semphato fela ga ba dire mo boemong jwa semphato. Boitshupo jwa mphato wa sephiri bo a fitlhwa.
Maikaelelo a semphato ke go bona dipoelo ka go diragatsa ditiro tsa seikonomi tsa semolao. Kwa ntle ga maitlhomo a, setlhopha sa batho kgotsa sa bathosemolao, ga se dire semphato. Mphato mongwe le mongwe o patelesega go tshwaela mo khepetleleng ya motheo ya semphato. Tshwaelo e e ntseng jalo e ka nna mo sebopegong sa madi, ditirelo, dithuso dingwe kgotsa kopano ya tsona ka boraro.
Fela fa semphato se sa ntse se tshela, bomphato botlhe ba rwala mmogo maikarabelo a melato ya sone, fela morago ga phatlalatso bomphato ba ikarabela mmogo le ka motho ka seelele mo melatong efe kana efe.
Semphato se tlhomiwa ka tsela ya tumelano ya semphato magareng ga bomphato ba ba solofetsang. Tumelano eo, e dira konteraka magareng ga bomphato mme gore e amogelesege, e tshwanetse go kgotsofatsa ditlhokego tse di kwa tlase tsa konteraka.
Maipofo a boineelo mo go direng poelo ga semphato.
Maikarabelo le ditiro tsa botsamaisi di laolwa ke tumelano ya semphato. Ka jalo tumelano e ka laela gore maikarabelo a botsamaisi a neelwa wa mphato yo o rileng, bangwe ba bona kgotsa bomphato botlhe.
Kabo (ratio) ya kabelanopoelo e tshwanetse e akarediwe mo tumelanong ya semphato nngwe le nngwe. Fa kabo e sa tlhagisiwa, molao wa gale o laela gore dipoelo di aroganwe ka kabo e e tsamaelanang le dikabelo mo semphatong. Fa boleng jwa kabelo bo sa kgonwe go lekanngwa, bomphato ba na le seabe (serwe) se se lekanang mo dipoelong.
Semphato ka bosona ga se kgethisiwe, fela bomphato bona ba kgethisiwa ka setotwana mongwe le mongwe. Dituelo tsotlhe tse di duetsweng bomphato ke semphato di tsewa jaaka karolo ya lotseno lwa sebele lwa bona, mme ba kgethisiwa jaaka go tshwanetse. Dikgogelo tsa lekgetho jaaka di ama motho ka sebele, di a diragadiwa.
Dikgono tsa matlole kgotsa dingwe fela tsa batho ba le babedi kgotsa go feta, di kopanngwa mo semphatong. Se se tsala ditšhono tsa tlamelo ka matlole tse di kgatlhisang tota go na le mo kgwebomongesing. Kopanyo ya boleng jwa tseisomolato ya bomphato e tsewa tsia ke ditheo tsa matlole fa semphato se kopa tseisomolato kgotsa dikadimo. Tseisomolato mo dimphatong e gololosegile, fela phitlhelelo ya khepetlele ya pakatelele e sala go nna bokete, ka gore dimphato ga se bathotshwaraganelo, ka ga jalo di tlhoka botsweledi.
Botsweledi jwa semphato, fela jaaka mo kgwebomongesing, bo tshosediwa ke boitekanelo le botšhoni jwa semphato. Phetogo efe le efe mo theong ya semphato e ka fedisa semphato. Jaanong go tlhokega go tlhoma semphato sešwa. Loso lwa mphato a le mongwe lo khutlisa tumelano magareng ga bomphato ba ba kgethegileng bao.
Molao wa Mokgatlhotekanyetsi wa 1984, o thaile sebopego sa kgwebo, se se nang le tshwanelo ya mothosemolao, fela ga o patelediwe go tsamaya ka melawana ya semolao e mentsintsi e e laolang ditlamo.
Ka jalo mokgatlhotekanyetsi ke yunite ya seikonomi, e e tsenyeleditsweng go ya ka Molao wa Mokgatlhotekanyetsi wa 1984. Ga o nne le ditokololo tse di fetang lesome, tse mongwe le mongwe wa tsona a tshwaelang mo khepetleleng ya motheo. Ga o a eteletsa go dira poelo thata kwa pele.
Mokgatlhotekanyetsi o na le ditokololo, e seng batsholadirwe. Ditokololo di tshwanetse go nna batho ba tlhago, fela mo mabakeng mangwe terasete ya taelothato, ka tokololo ya yona le yona e ka nna tokololo. Kgolagano magareng ga tokololo le mokgatlhotekanyetsi e tshwana fela le kgolagano magareng ga mokaedi le setlamo sa gagwe.
Dikabelo tsa ditokololo di ka nna ka sebopego sa madi, dithoto kgotsa ditirelo. Dikabelo di ka okediwa kgotsa fokodiwa mo pakang ya botshelo ya mokgatlhotekanyetsi. Dikabelo tse di fokoditsweng di ka diragadiwa ke mokgatlhotekanyetsi ka go reka gape dikgatlhego tsa ona (dikgatlhego tse e leng diyunite tsa bong mo mokgatlhotekanyetsing ka diabe di le mo setlamong). Kgatlhanong le melao e e tsamaisanang le setlamo, mokgatlhotekanyetsi ga o patelesege go tshola khepetlele ya motheo ya ona e sa fetoge. Dikgatlhego di aroganwa go ya ka tumelano ya tirisano magareng ga ditokololo, mme gantsi di dira motheo wa karogano ya poelo.
Ka ntlha ya seemo sa ona sa motho wa semolao, dithoto, melato, ditshwanelo le melato yotlhe ke tsa tshupatlotlo ya mokgatlhotekanyetsi. Ditshwanelo le melato e, le gale, di botswa ka kgato ya ditokololo tsa mokgatlhotekanyetsi. Tokololo e sa ntse gape e ka rwesiwa maikarabelo a mokgatlhotekanyetsi fa boineelo mo bokhupamarameng bo tlodilwe, kgotsa fa merero ya kgwebo ya mokgatlhotekanyetsi e dirwa ka botlhaswa.
Go tlhoma mokgatlhotekanyetsi, maipolelo a tlhomo, a patilwe ke tuelelo ya tlhomo, di tshwanetswe go neelwa kwa go Mokwadisi wa Mekgatlhotekanyetsi. Se se dira jaaka setlankana sa botlhe, mme se na le leina, tshupafelo le kgwebo ya mokgatlhotekanyetsi, gammogo le maina a ditokololo le diteng ka ga dikabelo le dikgatlhego tsa bona. Fa mokwadisi a kgotsofaditswe ke tshedimosetso e. o tlaa kwadisa mokgatlhotekanyetsi go laola kgolano ya ka fa gare. Tumelano ya tirisano ke setlankana sa poraefete sa mokgatlhotekanyetsi mme se laola dintlha tse di amang tsamaiso le dithulaganyotsamaiso tsa kgwebo, gammogo le maikarabelo le ditlamego tsa ditokololo.
Botsamaisi bo diragala go ya ka dintlha tsa tumelano ya tirisano. Tumelano e ka gatelela ditaelo tsa Molao wa Mokgatlhotekanyetsi, 1984 mabapi le tsamaiso ya mokgatlhotekanyetsi. Fela le gale, ditaelo dingwe di ka se patelediwe ke tumelano. Se se akaretsa tshwanelo ya tokololo efe le efe go bitsa kopano ya ditokololo, kgotsa maparego mangwe a a beetsweng batho bangwe, a ba ganela ka go nna le seabe mo tsamaisong ya kgwebo.
Kgotlatshekelo ya molao, ka kopo ya mokgatlhotekanyetsi, kgotsa ya tokololo, e ka itshunya nko mo tsamaisong ya kgwebo. Se se ungwa go tswa mo seemong sa botshepegi se ditokololo di nang naso, malebana le kgwebo, ka jalo se sireletsa mokgatlhotekanyetsi mo ditokololong tsa ona, le ditokololo mo tokololong e nngwe. Seemo sa botshepegi se raya gore ga go tokololo epe e e tlaa letlang dikgatlhegp tsa yona go thulana le tsa mokgatlhotekanyetsi. Ka jalo dikgatlhego tsa mokgatlhotekanyetsi di tla pele. Se se santse gape se pakiwa gape ke lereo "mokgatlhotekanyetsi" moo "tekanyetsi" e rayang gore ditokololo di lekanyeditswe go nna le seabe ka tirisano e e tshwaraganeng mo kgwebong. Ka jalo botokololo le botsamaisi ga bo a farologana jaaka go ntse mo setlamong.
Mokgatlhotekanyetsi o duelela ditokololo tsa ona ditirelo tse di di dirileng. Lotsenotota morago ga tuelolekgetho le ka aroganngwa ke ditokololo ka tsela ya dikarolelo. Mabapi le dituelo (salary) ditokololo di kgethisiwa go ya ka dibopego tsa lekgetho la sebele, kwa ntle ga dikarolelo tsa mokgatlhotekanyetsi. Ka jalo khethisogabedi e efogiwa ka gore mokgatlhotekanyetsi o kgethisiwa go ya ka lekgetho la ditlamo le le tsamaelanang. Dikarolelo tse di amogetsweng ke mokgatlhotekanyetsi, le gale, di tsewa jaaka karolo ya lotseno lwa tiragatso, mme ka jalo di kgethisiwa ka tekatekano go ya ka lekgetho la ditlamo. Dipoelo tse di sa rebolwang , di beilwe mo letloleng la ipeelo, ga di kgethisiwe.
Bolengdiabe jwa mokgatlhotekanyetsi bo lekanyeditswe go ya ka dikabo tsa makesimamo ya ditokololo di le lesome, ka jalo go bokete thata mo mokgatlhotekanyetsing, go na le setlamo, go bona khepetlele. Gape ditokololo tsa mokgatlhotekanyetsi di itumelela boikarabedi jo bo lekanyeditsweng mabapi le melato ya kgwebo. Se, gammogo le gore dikanego tsa matlole tsa mokgatlhotekanyetsi ke ditlankana tsa poraefete, di kgoreletsa phitlhelelo ya tseisomolato. Ditokololo di ka neelana ka tshireletsego ya melato ya mokgatlhotekanyetsi, fela boikuelo bofe le bofe jwa boikarabedi jo bo lekanyeditsweng bo ya go ikgatholosiwa fela.
Mokgatlhotekanyetsi o na le botho jwa semolao. Ka jalo botsweledi ga bo ne bo amiwa ke loso kgotsa tholotiro ya ditokololo dingwe. Dikgatlhego mo mokgatlhotekanyetsing di ka jewa boswa e bile mokgatlhoitekanyetsi o ka reka sešwa dikgatlhego. Go tšhona ga ditokololo ga go tshosetse mokgatlhotekanyetsi ka gonne dikgatlhego di rekisediwa kgotsa go rekwa gape ke kgwebo.
Mokgatlhotekanyetsi o ka fedisiwa ka tsela ya phatlalatso (liquidation) ka ditokololo kgotsa batseisamolato. Phatlalatso ya ithaopo e ikaegeile ka tumelelo ya ditokololo tsotlhe. Phatlalatso e diragadiwa ka neelo ya ditlankana tse di kgethegileng kwa kgotlatshekelong ya molao.
Theo e e amanngwang le terasete ke ya mosimolodi go baya dithoto tse di kgethegileng mo taolong ya motlhokomedi (trustee), yo o tsamaisang khepetlele ya terasete mo boemong le bolemong jwa mojaboswa. Mo Aforikaborwa dibopego tsa molao tsa terasete di a tlhaolwa. Terasete ya taelo ya kaboboswa e tlhometswe go tlamela balosika lwa mojababoswa. Ka jalo bajaboswa ke balosika. Terasete ya sekonteraka e tlhomiwa ka tsela ya konteraka mme e dirisiwa jaaka sebopego sa kgwebo. Go tshwanetse le gale go tlhokomelwe go farologanya magareng ga diterasete tsa kgwebo le maina a ditlamo dingwe a a ka tsietsang, sekao, diterasete tsapeeletso kgotsa yunite.
Diterasete tsa konteraka di dirisiwa go sikologa dikgoreletsi tsa semolao le tse dingwe tse di beetsweng dibopego tse dingwe tsa kgwebo. Dikgoreletsi tse di akaretsa ditsamaisotaolo tsa semoalo ts edi dirisiwang mo ditlamong kgotsa dintlha tse di amang le lekgetho. Diterasete ga di lekanyetse palo ya basimolodi kgotsa bajaboswa kgotsa go fitlha boitshupo jwa batlhokomedi.
Terasete e na le dithoto tse di tlhaolegileng. Gape e tshela kwa ntle ga batlhokomedi , bajaboswa kgotsa basimolodi ba yona, e dira kgwebo mo leineng la yona mme e tsamaisiwa ke boikemelanosi. Fela le gale ga se motho wa semolao. Dithoto tsa terasete di ka gololwa fela ka batseisamolato (creditors) ba yona. Bajaboswa, batlhokomedi le basimolodi, ba na le boikarabedi jo bo lekanyeditsweng.
Terasete ya konteraka e tlhomiwa go ya ka dintlha tsa konteraka kgotsa kano ya terasete, e e farologanyang dithoto tse di kgethegileng mo boemong jwa terasete. Dithoto tse di neelwa mo taolong ya motlhokomedi yo o tsamaisang dithoto tse mo boemong jwa bajaboswa. Kano ya terasete e na le leina le maitlhomo a terasete, maikarabelo a botlhokomedi, dinwane tsa bajaboswwa le ditaelo mabapi le tsamaiso ya terasete. Khophi ya kano ya terasete e neelwa kwa go Master of the Supreme Court. Motsamaisi (master) o dira jaaka mmayaleitlho mo tsamaisong ya terasete ke motlhokomedi.
Kano ya terasete e tshwanetse go tsamaelana le ditaelo tsa Molao wa Taolo ya Thoto ya Terasete wa 1988. Ditlhokego dingwe dife le dife tsa semolao tse di nang le tshusumetso mo ditirong tsa terasete le tsona di tshwanetse go dirwa. Sekao, fa go sutisediwa thoto e e sa suteng kwa teraseteng ditlhokego tsotlhe tsa semolao tse di amanang le tshutiso di tshwanetse go salwa morago.
Diphetogo mo ditaelong tsa kano ya terasete di ka diragadiwa fela ka tumelelo ya batlhokomedi, basimolodi le bajaboswa botlhe. Kgotlatshekelo ya molao e ka tlhomamisa diphetogo tse fa mongwe wa matlhakore a a ka gana go dumelana kwa ntle ga mabaka a a utlwalang.
Motlhokomedi o tsamaisa terasete go ya ka ditaelo tsa kano ya terasete le Molao wa Taolo ya Thoto ya Terasete, 1988. Fela le gale ke Master of the Supreme Court yo o ntshang setifikeiti se se kgontshang batlhokomedi go tsamaisa terasete.
Go feta moo, ditaelo tsamoalo wa gale mabapi le tsamaiso ya dithoto tsa terasete di tshwanetse go latelwa. Ditaelo tse di akaretsa tsamaiso e e manontlhotlho ya dithoto tsa terasete, tsweletso ya maemo a botshepegi mabapi le bajaboswa le kgaoganyo ya dithoto tsa terasete mo dithotong tsa sebele tsa motho. Tlolomolao kgotsa tlhokomologo efe kana efe mo mererong ya terasete ka batlhokomedi, e ka isa kwa go lelekweng ga bona jaaka batlhokomedi, le tseo ya kgato ya semolao ya selegae kgotsa bosetšhaba kgatlhanong le bona.
Terasete e tsamaisiwa go direla bajaboswa ba yona. Dipoelo go tswa ditirong tsa terasete di tshwanetse go aroganngwa bajaboswa go ya ka kano ya terasete. Fela le gale batlhokomedi ba tshwanetse go duelwa go lekalekana le maikarabelo mo teraseteng.
Mabapi le maitlhomo a lekgetho terasete e tsewa jaaka motho ya o sa nyalang/nyalwang. Lekgetho la lotseno la sebele ka jalo le kgethisiwa mo teraseteng. Fela terasete e tsewa jaaka motho yo sa nyalang yo o nang le tetla ya dikgogelolekgetho tse di rileng. Fela go tshwanetse go gakologelwe gore ke fela karolo ya lotseno lwa terasete lo lo sa arolelwang bajaboswa e e kgethisiwang ka tsela e. Lotseno go tswa mo teraseteng go ya kwa bajabosweng lo tsewa jaaka lotseno lwa morokotso lwa bajaboswa mme le kgethisiwa jaaka go tshwanetse. Ka tsela e kgethisogabedi e a efogwa. Fa lotseno lwa terasete lo aroganngwa magareng ga bajabowa ba bantsi, mme bajaboswa ba ba se na metswedi ya lotseno e mengwe, go ka feleletsa mo kelokgethisong e e nonofileng e e kwa tlase mo dipoelong tsa terasete.
Tlamelo ka matlole e e tshwanetseng ya terasete, e mela mo dithotong tse di tlhaotsweng ke mosimolodi mo kanong ya terasete. Go bona khepetlele ya tlaleletso go ka nna le mathata mo teraseteng ka gore batlhokomedi le fa e le bajaboswa ga ba na boikabarabelo mo melatong ya terasete. Batlhokomedi kgotsa bajaboswa ba ka tlhopha go naya tshireletso ya melato ya terasete, fela seno se itlhokomolosa boikarabelo jo bo tlhaelang jwa dikarolo tse. Potso e ka bodiwa ka terasete e dirisa khepetlele e e nnang le mathata. Se se ka arabiwa ka go sekaseka ditaelo tsa kano ya terasete kgotsa maitlhomo a terasete ka boyona.
Botsweledi jwa terasete bo laolwa ke ditaelo tsa kano ya terasete.
Tlhopho ya sebopego sa kgwebo e emela nngwe ya dintlha tsa tlhomo tse di masisi thata tsa kgwebo e ntšhwa. Mo karolong go tlhalositswe ka dibopego tsa kgwebo tse dingwe tse di fitlhelwang mo Aforikaborwa. Tlhopho nngwe le nngwe e na le mafaratlhatlha a a boitshegang mo tsamaisong le taolong ya kgwebo. Kelotlhoko e e tseneletseng ka jalo, e botlhokwa bogolosegolo go netefatsa gore sebopego sa kgwebo e e tlhophilweng se tsamaelana le mabaka a sebele a mogwebi le kgwebo e ntšhwa.
<fn>PulaImvula. Calculate.2008-07.tn.txt</fn>
Go tshwanetse go gakologelwe gore ka kakaretso temothuo e dirwa ka maikaelelo a go dira dipoelo. Go batlega madi a a boitshegang go jala disonobolomo mme peotshenyegelo mabapi le ntshodikuno ya peo ya sonobolomo ke nngwe ya dintlha tsa botlhokwa thata mo tsamaisong ya temo ya dithoro.
Pele o jala sejalo go tlhokega gore o balele gore go tlaa go ja bokae go jala sejalo seo le gore lotseno lo lo ka bonwang e tlaa nna bokae. Monongwaga go ntse le tlhatlogo e e boitshegang ya ditsenngwateng mo ntshodikunong ya dithoro mme go botlhokwa gore balemi ba dire dipalelo tsa bona ka kelotlhoko e kgolo.
Ditshenyegelo di ka kgaoganngwa ka ditlhopha tse di farologaneng di le pedi - ditshenyegelo tsa tlhamalalo le ditshenyegelo tse di tlhomameng.
Tse ke ditshenyegelo tse di ka amanang le tsamaiso ya tiro ya polase yotlhe - ke ditshenyegelo tse di ka se keng tsa amanngwa ka tlhamalalo le go jalwa ga sejalo se se rileng seo. Ditshenyegelo tse di tswelela go nna teng go sa kgathalesege nako ya ngwaga kgotsa setlha. Ditshenyegelo tse di akaretsa dituelelo tsa tsholomatlotlo, dituelo tsa banka, dituelo le meputso, dikgogo, motlakase, dilaesense le makgethwana, dipaakanyo le tlamelo, merokotso mo dikadimong, ditshenyegelo tsa dirori le dikwalelo. Ditshenyegelo tse di ka farologana thata go ya ka molemi le molemi, go ya fela ka bogolo jwa polase, mokgweleo wa molato le setaele le ditshenyegelo tsa tsamaiso.
Tse ke ditsheyegelo tse di ka amanngwang ka tlhamalalo le sejalo se se jadilweng. Ditshenyegelo di tsenyeletsa dintlha tse di jaaka disele, menontsha, peo, dikhemikale, thobo, thekiso le badiri ba nakwana. Go le gantsi ditshenyegelo tse di a tshwana go ya ka heketara go sa kgathalesege go ya ka mofuta wa temo le kgono ya thobo ya sejalo se se jetsweng.
Go botlhokwa thata gore togamaano ya ditšhelete e e nepagetseng e dirwe pele go ka jalwa sejalo sefe kampo sefe. Go botoka thata go baakanya le go jala kgaolo e potlana sentle gore o tle o nne le tšhono e e gaisang ya go nna le dijalo. Mathata a temo ya mmidi a kwa godimo thata mo e leng gore ga go botlhale go tsaya ditšhanse dipe fela - maemo a loapi ga a ikanyege mo ebileng go ka se ke ga nna le go tlhabanyetsa.
Thoro ya dithoro.
Lenaneo 1: Sekao sa ditshenyegelo tsa tlhamalalo tse di amanang le jalo ya sonobolomo. Dirisa ditlhotlhwa tsa sešweng fa o balela diponalo tsa gajaana.
Lenaneo 2: Thobo e e kgonegang le lotseno/ha ka ditlhotlhwa/ditono tse di farologaneng.
Ka se sebaka, ntshodikuno ya sonobolomo e kgatlha thata - sekaseka lebaka le mme o bone gore a o ka jala disonobolomo go na le dijalo tse dingwe tse di kgonegang tse di jalwang mo kgaolong ya gago.
<fn>PulaImvula. Calibration.2008-11.tn.txt</fn>
Kgannyana e e fa pele e ne e bua ka dikarolwana tsa sekgatshi sa "boom" le gore se dira jang. Mo kgannyaneng e re tlaa sekaseka ka botlalo khaliboreišene ya sekgatshi.
Khaliboreišene ke eng?
Tirego ya khaliboreišene ya sekgatshi e diretswe go netefatsa gore o kgatsha mothamo o o lekaneng wa seedi (metsi le botlhole) mo kgaolong e e batlegang.
Theipe e e metang.
Go ka setelwa eng?
Nosele. Nosele ya phatlhana e nnye e tlaa ntsha seedi se sennye go na le nosele ya phatlhana e kgolo. Nosele e ka nna le pateronekgatsho e tshesane kgotsa sephara.
Kgatelelo ya kgatsho. Fa o pompa ka thata, kgatelelo e a oketsega mme go tswa seedi se sentsi. Fa kgatelelo e le kwa godimo thata gona marothodi a tlaa nna mannye.
Mokgweetsi wa terekere o tshwanela go swetsa ka rpm gammogo le kere e e tlaa dirisiwang le go tswelela ka yona fela fa khaliboreišene e setse e dirilwe.
Fetola selekanyo sa botlhole mo motswakong. Botlhole jo bontsi bo raya gore go tshelwa ditswaki tse di tshelang tse dintsi ka selekanyo se se tshwanang sa metsi.
Tlatsa tanka ya sekgatshi.
Swetsa gore ke kere efe e e tlaa dirisiwang ka lebelo le le kana kang (rpm) (sekao kere ya 4 ka 2 500 rpm).
Lekanya (meta) sekgala sa 100 m.
O dirisa kere eo ka rpm e e nepagetseng, lekanya nako e terekere e e tsayang go digela 100m eo (sekao, metsotswana e 21).
Dumisa terekere e ntse e eme, ka 2 500 rpm e e dumelanweng, mme o tlhole sekgala se kgatsho e se akaratsang mo mmung.
Setela kgatelelo mo sekgatshing go bona phitlhelelo e o e batlang (sekao, dibara tse 3).
O dirisa yona nako ele (metsotswana e 21) e e e tsereng terekere go digela 100m, gokela kgatsho mme o mete mothamo wa metsi o o ntshiwang ke nosele e le nngwe (sk. 1 200 ml / 1,2 lit).
Boeletsa tirego e ka dinosele tse pedi kgotsa tharo mme o tsee palo ya palogare.
Dirisa mothamo wa seedi o o ntshitsweng ke nosele e le nngwe (sk 1 200 m l/ 1,2 l) mme o ntsifatse ka palo ya dinosele (sk dinosele 12) gore o tle o itse gore o kgatsha dilitara tse kae mo go 100 m (ka dinosele tsotlhe 12 x 1,2 l = 14,4 l).
Meta bophara jwa "boom" (sk. 4,7 m).
Jaanong o itse bophara jo o bo kgatshang, e bile o itse mothama wa metsi o o kgatshang mo bophareng joo mo go 100 m.
Kgaolo e e akareditsweng ke sekgatshi mo go 100 m: 100 m x 4,7 m = 470 sq.m.
Re dirisitse 14,4 l ya metsi mo kgaolong e.
Kgaolo ya 1 ha = 10 000 sq.
Mothamo o o tlaa dirisiwang mo heketareng e le 1 e tlaa nna 10 000 / 470 = 21,27 x 14,4 l = 306 l ka heketara.
Setshwaokaedi se se mo modutwaneng wa khemikale se tlaa bontsha selekanyo sa metsi se se batlegang ka heketara gammogo le palo ya dilitara tsa botlhole tse di tlhokegang ka heketara.
Fa o setse o weditse tiro e mme o lemoga gore selekanyo sa seedi se se kgatshiwang ga se sa tlwaelo, boeletsa tiro e mme o setele kgatelelo ya sekgatshi kgotsa kere ya terekere kgotsa bogolo (size) jwa nosele.
Fela fa selekanyo sa metsi se nepagetse, jaanong o tlhoka go balela palo ya dilitara tsa botlhole tse di tshwanetseng go tshelwa mo tankeng ya kgatsho nngwe le nngwe.
Sekao, tanka e tshola 500 l ya metsi. Sekao re tlhoka go tshela dilitara tse 4 tsa botlhole ka heketara. E tlaa nna 500 l / 306 (dilitara tse di ntshiwang ka heketara) ntsifatsa ka 4 (dilitara tsa botlhole ka heketara).
Re tshwanela go tlhakanya dilitara tse 6,5 tsa botlhole mo tankeng ya dilitara tse 500 tsa metsi.
<fn>PulaImvula. CalibrationMaize.2008-10.tn.txt</fn>
Go tshwanetse go tsewe dikgato tse di latelang go khaliboreita polantere.
Tlhaola dikarolo tsotlhe tse di nyalanngwang tsa polantere tse di dirisiwang go khaliboreita (diseporokete, dikere le dipolata).
Tlhomamisa se polantere e se ntshang mabapi le peo le monontsha go ya ka ditshêtêlô tsa gajaana.
Lekanyetsa sekgala magareng ga diyunite tsa polantere gore o tle o itse gore bopharamola ke bokae - se se tlaa kgontsha go balela palo ya mela ka heketara (Sekao, fa sebaka sa mela e le 0,9 m, go na le 100 m mo bophareng jwa heketara e le nngwe. 100 m/0,9 m= mela e 111 ka heketara).
Tshwaya sekgala sa 10 m.
Netefatsa gore go na le peo le monontsha mo dikgamelong tsa polantere (netefatsa gore bogolo jwa peo e o e dirisetsang khaliboreišene ke bogolo jo bo nepagetseng jwa dipolata tse o di tlhopileng - ke fela peo e le nngwe e e tshwanetseng go tswa ka phatlhana ya polata ka nako e le nngwe).
Bofelela kgetsana ya polasetiki mo peiping e e ntshang monontsha gore o tshware monontsha o o tlaa o kalang moragonyana.
Tsamaisa terekere le polantere sekgala sa 10 m jaaka e kete o a jala (ka mafoko a mangwe leotwana la kgweetso la polantere le tshwanetse go dikologa le mororo diyunite tse di tsenang mo mmung di tlaa bo di kokoretse mo boalogodimong).
Bala palo ya dipeo tse di ntshitsweng mo 10 m.
Di ntsifatse ka 10 go balela se o ka bong o se ntshitse mo 100 m (o gakologelwa gore heketara ke 100 m x 100 m).
Jaanong ntsifatsa palo eo ka palo ya mela mo go 100 m (mo sekaong sa rona mela e ne e le bophara jwa 0,9 se se rayang gore go na le mela e le 111 mo go 100 m).
Sekao: go na le ditlhaka di le 30 mo 10 m. Se se lekana le ditlhaka tse 300 mo go 100 m. Go na le mela e le 111 mo heketareng, x 300 = dimela tse 33 300 ka heketara.
Fa karabo e o e boneng e feta se o se batlang, setela diseporokete mo polantereng gore šafote e e dikolosang polata e dikologe ka bonya. (kgotsa fa o batla dimela tse dintsi oketsa lebelo la modikologo).
Boeletsa kgato e go fitlhelela o bona dipholo tse o di batlang.
Kala monontsha o o o tshotseng mo kgetsaneng mo go 10 m.
O ntsifatse ka 10 go bona se o ka bong o se bone mo go 100 m (gakologelwa gore heketara ke 100 m x 100 m).
Jaanong ntsifatsa palo eo ka palo ya mela mo go 100 m (mo sekaong sa rona mela e ne e le bophara jwa 0,9 m se se rayang gore go ne go na le mela e le 111 mo 100 m).
Sekao, go na le 100 g (0,1 kg) mo go 10 m. Se se lekana 1 000 gr (1 kg) mo go 100 m. Go na le mela e le 111 mo heketareng x 1 000 = 1110 g ka heketara / 111 kg ka ha.
Fa karabo e o e boneng e le kwa godimo ga se o se batlang, setela diseporokete mo polantereng gore šafote e dikologe ka bonya. (Kgotsa o dire se se kgatlhanong fa o batla dikhilogeramo tse dintsi).
<fn>PulaImvula. Celebrate.2009-11.tn.txt</fn>
Batataisi Eduard Foord le Fanie Pienaar ba ne ba tseelwa tsia tshwaelo e ba e dirileng.
SM Mpahleni, M Sobuza, M.S Nyoni (e amogetswe ke Solomon Mabila) le Lucas Nhlane.
Lawrence Watch le Jarius Metswamere.
Mola o o fa pele: Dudu Mashile, Muzi Hlongwane le Salome Modise.
Bakatisi ba na le seabe sa botlhokwa thata mo tlhabololong ya Bantshadikuno ba ba Tlhabologang.
Danie van den Berg (Moitseanape: Field Services) le Israel Mokoto go tswa Wolmaranstad.
N.R. Mhlanga, E.R. Serahe, F.J. Mhlanga (mofenyi), M.G.
wa porofense le A.P. Masina.
Nothando Mzini, S.H.
le Themba Mkiva.
I. Abdool, P. Nolundi Msengana le S. Jonas Mokoka.
Mme S. Motswenyane, J. Mokoto, R.E. Pholo le George Letlojane ba ne ba se teng.
J. Metswamere, R.M. Ramoholi, William Matasane le Malefane Makubo.
Mola o o fa pele: Philip Xaba le Mme Mponeng Lentoro.
Ba ba seyong: M.A. Bantseke le M.J. Komako.
Thando Lolwane o ne a seyo.
Ka 29 Lwetse, 2009, Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA le ne le tshwere letsatsi la ketekomeletlo - ketekomeletlo ya 250 Ton Club.
Maikaelelotheo a Lenaneotlhabololo la Balemirui ke go tlhagisa Bantshadikuno ba bagwebi ba Bantsho ba ba nonotshitsweng mme ketekomoletlo mo ntlolehalahaleng ya Fanie Ferriera kwa Nampo e ne e le go tsaya tsia bantshadikuno ba ba ka tlhagisiwang mo madirelong a temothuo ka bophara jaaka bantshadikuno ba bantsho ba bagwebi - bao ba ba ntshang go feta ditono tse 250 tsa dithoro.
Tsela ya go fitlhelela temothoro ya bogwebi ga e bonolo jalo mme e bile ga go tlhabanyediwe. Temo e tletse kgwetlho mme le dielo tsa poelo di dinnye. Bantshadikuno ba ba ntse ba engwe nokeng ke Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA, gammogo le bannaleseabe ba bangwe ba bantsi mo madirelong jaaka dibanka, dikgwebotemo, ditlamo tse di tlamelang ka ditsenngwateng, balemisi go tswa Mafapheng a Temothuo a a farologaneng le bantshadikuno ba bangwe ba bagwebi.
Ngogola re tlhomile 250 Ton Club go amogela katlego ya bao ba setseng ba ntsha ditono tse 250 tsa dithoro ka ngwaga mme e bile ba le gaufi thata go bidiwa "bantshadikuno ba bagwebi". Bontsi jwa bantshadikuno ba bo tlaa nna fela karolo ya lenaneo la rona ngwaga kgotsa tse pedi mme tswelelopele ya bona e tlhoka go tsewa tsia.
Ditokololo tsa 250 Ton Club di ntse di oketsega ka bonya. Re na le ditokololo tsa 1000 Ton di le supa, ditokololo tsa 500 Ton di le lesometharo le ditokololo tsa 250 Ton di le masomepedinngwe. Monongwaga bantshadikuno ba bašwa ba le robedi ba ntse ditokololo tsa tlelapa e.
Kwa moletlong wa monongwaga, re tsenyeleditse legoro le lengwe - Molemipotlana wa ngwaga. Kwa Mpumalanga le Kapabotlhaba, go na le bantshadikuno ba bantsi bao ba nang fela le masimo a heketara e le nngwe kgotsa tse pedi mo lefatsheng la morafe. Bantshadikuno ba ba na le seabe sa botlhokwa thata mo tshireletsegong ya dijo mo dikgaolomagaeng. Jaaka karolo ya lenaneotlhabololo, re katisa le go ema nokeng bantshadikunopotlana ba go tokafatsa matswakabele a ntshodikuno a bona. Re sweditse go tlhoma kgaisano ya bantshadikuno ba ka maikaelelo a go tsaya bonontlhotlho tsia mo legorong le. Monongwaga bafenyi e nnile Rre F.J Mhlanga wa Mpumalanga le Rre S.E Shabhu wa Kapabotlhaba. Le mororo bantshadikuno ba ba sa leme dikaboabo tsa lefatshe, ba dirisa ka botlalo lefatshenyana le ba nang nalo le go dira tshwaelo e e mosola mo merafeng ya selegae ya bona.
<fn>PulaImvula. Challenges(maize).2011-06-07.tn.txt</fn>
Gore o bone poelo kgwebo ya temothuo e tshwanetse pele fela e tlamele ka dikuno tse badirisi ba di tlhokang. Morago ga moo go tsweletsa dipoelo tse di itshegeleditseng tsamaiso ya kgwebo ya temothuo e tlhoka go tswelela go tokafala mo tsamaong ya nako.
Go tswa mo tlholegong ya motho, motho o ne a ntse a tlhoka sengwe gore a tshele. Dijo ka gale e ntse tlhoko ya motheo, mmogo le diaparo le bonno (ntlo). Kwa tshimologong motho o ne a tlamela ditlhoko tsa gagwe ka go tsoma, go roba dijalo go tswa dimeleng tsa naga, go itirela diaparo le go bona bonno mo dikgageng.
Fa motho a ntse a tswelela pele ditlhoko le tsona di ne tsa tswelela pele go fitlhelela selekanyo se se kwa godimo sa ditlhoko tsa segompieno. Gape motho gajaana o tsweletse go tswa mo go direleng go iphepa fela go ya mo go rekeng ditlhoko tse dintsi tsa gagwe. Fa go buiwa ka kakaretso, mo lefatsheng le le tlhabologileng la segompieno, dikgwebo di tloga di tlamela ka sengwe le sengwe sa ditlhoko tsa motho ka kamanyo ya madi.
Ka jalo, gompieno re tlhoka madi go a ananya ka ditlhoko tsotlhe tsa rona. Jaaka batho re ka bona madi fela ka go bereka go bona lotseno. O ka nna wa ipereka kgotsa wa berekela motho yo mongwe. Fa o tlhophile tsela ya go ipereka, jaaka mo go tsamaiseng kgwebo ya temothuo, kgwebo e tshwanetse go atlega sematlole. Mo temothuong ya motheo go kgonega fela fa kgwebo ya gago e tlamela ka dikuno tse batho ba di tlhokang gore mong a kgone go nna le lotseno.
Ke fela fa kgwebo e dira poelo mong/beng ba ka boneng lotseno (tuelo). Fa go na le tatlhegelo, mong ga a ka ke a nna le lotseno.
"Ditlhoko" tse di tlamelwang ke kgwebo di "rekisediwa" badirisi. Madi a a amogelwang boemong jwa ditlhoko ke lotseno lwa kgwebo.
Mo tiregong ya go ntsha kgotsa go romela ditlhoko, kgwebo e dira ditshenyegelo dingwe.
Ditshenyegelo tsa ntshokuno - peo, monontsha, furu, dibolayasenyi, melemo, thobo le thekiso.
Ditshenyegelo tse di sa tlhamalalang - dituediso tsa banka, ditshenyegelo tsa mo ofising, ditshenyegelo tsa palotlotlo le sepalamo.
Ditshenyegelo tse di tsepameng - dilaesense tsa dikoloi, dituelo tsa badiri ba leruri, ditshenyegelo tsa kwelotlase le inšorense.
Ditshenyegelo tsa lobaka losele - merokotso mo dikadimong, meputso ya motsamaisi le rente ya khiro ya lefatshe.
Ditshenyegelo gotlhe jaanong e nna palogotlhe ya ditshenyegelo tse.
Poelo e lekana le gore lotseno lo feta palogotlhe ya ditshenyegelo.
Mo tiregong ya ntshokuno ya poraemari bantshakuno ke banewatlhotlhwa mo mabakeng ka bobedi a lotseno (tlhotlhwa) le ditshenyegelo. Lotseno le ditshenyegelo tsoopedi di oketsega le nako, fela le gale mo dikemong tse di farologaneng. Go boammaaruri jaaka J. Willemse a bega mo Landbouweekblad ya 26 Mopitlwe 2010, gore mo 2009, fa go lejwa palogotlhe ya madirelo a temothuo, lotseno lo oketsegile ka 2,6% mo ngwageng oo, fa ditshenyegelo tsona di oketsegile ka 8%. Diphesentheiji tse di farologana go ya ka ngwaga le ngwaga fela di tlhola se se bidiwang tamoso ya tlhotlhwatshenyegelo (cost-price squeeze). Fa e lejwa mo dingwageng tamoso ya tlhotlhwatshenyegelo e ka tshwantshiwa jaaka go supiwa mo Setshwantsho 1 (Motswedi wa lenaneo: Willemse J. 2010 Resesie sweepslag knyp Landbou, Landbouweekblad: 26 Mopitlwe 2010).
Fa mokgwa o dilo di dirwang ka ona mo polaseng o ka se fetoge mo dingwageng, phatlha e e fa gare ga lotseno le ditshenyegelo e tlaa tswalega mme jaanong go nne bokete le go feta go dira poelo. Go ya ka molebo wa sematlole, go tlaa tlhokega ka jalo gore tsamaiso ya kgwebo ya temothuo e tshwanetse ya tswelela go tokafala go kgona go tshegetsa katlego ya sematlole.
Se se ka dirwa ka kelotlhoko e e masisi le e e tswelelang go tokafatsa tsamaiso ya dikgaolo tsotlhe bongwe ka bongwe tsa tsamaiso ya kgwebo ya temothuo.
Ga se tiro e e bonolo mo motsamaising wa polase fa o tsaya tsia ditlha tse di seng mo taolong ya gagwe, tse di tlhotlheletsang kgwebo ya gagwe. Ka jalo se ke kgwetlho e e boitshegang mo go mong/motsamaisi wa kgwebo ya temothuo. Mo tiragatsong motho o tshwanetse ka gale go tsaya tsia tshwaetso ya matlole mabapi le lotseno le ditshenyegelo mo go sengwe le sengwe se se dirilweng kgotsa se sa dirwang go ya ka mabaka a kgwebo ya rona.
Kwa bokhutlong gore kgwebo ya temothuo e dire poelo e tshwanetse sa ntlha e tlamele ka dikuno tse badirisi ba di tlhokang. Morago ga moo, go tshegetsa dipoelo tse di itshegeleditseng, tsamaiso ya kgwebo ya temothuo e tlhoka go tswelela e tokafala mo tsamaong ya nako.
<fn>PulaImvula. Challenges.2010-01.tn.txt</fn>
Temothuo ka gale e raya go dira ka natla. Go buiwa ka bantshakuno gore ga ba tshabe go dira ka natla. Malatsing ano le gale, temothoro e tlhoka go gogolo go feta go dira ka natla fela.
Re lemogile dintlha dingwe tse di dirang gore tswelelopele ya tlhabololo e nyafale.
Fa o simolola sengwe se sešwa go na le paka e mo go yona o sa diragatseng ka botlalo - go fela jalo ka bantshakuno. Diphoso di tlaa nna teng. Gajaana ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa ditsenngwateng, di pataganngwa le ditlhotlhwa tse di kwa tlase tse di bonwang mo dithorong, ga go tlhokege phoso le e nnye tota. Bantshakuno fa e le tota ba atlega, ba dira poelo e nnye thata ka jalo ga ba kgone go beeletsa mo diterekereng le didirisong. Ba tswelela go dira ka madi a a adimilweng. Se, se borai le go tura thata. Go bona kadimo, bantshakuno ba tshwanetse go tsaya inšorense ya kakaretsomathata e e etegetsang phokotsego ya dipoelo.
Temothuo ke lephata le le anameng thata mme o tlhoka go tlhaloganya mabaka a a farologaneng a mantsi. Kitso ya dikwalo e le esi ga e a lekana - bantshakuno ba ithuta mo maitemogelong a dingwagangwaga. Mo ntlheng ya Aforikaborwa, bantshakuno ba ba tlhabologang ke bosetlabošweng thata mo motshamekong o, mme melawana ya motshameko o, e matswakabele - tiragatso e e maatlametlo e tlhoka go kwena go go boitshegang. Ka molapoelo o o mo kgatelelong e e boitshegang, ga go batlege le e seng phosonyana. O bona jang maitemogelo, le gona ke mang a tlaa go "atlarelang" fa o wa?
Bantshakuno ba ba tlhabologang ba iphitlhela ba le mo mathateng a a oketsegang a go fitlhelela dikadimo tsa ntshokuno. Se ke ditlamorago tsa dintlha tse pedi tse di setseng di umakilwe, molapoelo o monnye mme mathata ona a a boitshega. Go tshwanetse go tlhaloganngwe gore batlamelakamatlole ga ba batle go latlhegelwa ke madi - ba tlhoka go beeletsa madi a badirelwa sentle ka botlhale. Ka nako e, re ikaegile thata ka Land Bank go bona tseisomolato ya ntshokuno - ke thomotaelo ya bona go adima bantshakuno ba ba tlhabologang madi. Le fa go ntse jalo, Land Bank e tlhoka go fokotsa mathata a yona - ke sona se go nang le semphato se se siameng magareng ga Land Bank le lenaneo la rona.
Dingwaga tse dintsi tsa dipoelo tse dinnye, di tlhodile go wela tlase ga maemo a segopa sa diterekere le didiriso - o tlhoka go dira madi gore o kgone go beeletsa mo tirisometšhineng.
Go na le bantshakuno ba ba nang le lefatshe la ntshokuno ya dijalo le mo go lona gompieno go jala dijalo mo go lona go se nang poelo (ka ntlha ya ditshenyegelo tsa ditsenngwateng/tlhotlhwa ya kuno/kgonontsho ya lefatshe). Go na le bangwe ba ba nang le lefatshe le le siameng le le ka se thekelediweng (agelelweng) ka jalo le sa kgone go lengwa ka katlego. Go na le bangwe ba ba tlhokang dilekanyo tse di boitshegang tsa llaeme le fosefeite go baakanya mmu. Go na le bantshakuno bangwe ba ba kgonang le ba ba sa kgoneng go fitlhelela lefatshe ka ba Merero ya Lefatshe (kganetsanyo e e tlaa tshwarwang ka nako nngwe). Go na le metswako e le mmalwa ya mathata a a amanang le lefatshe - a otlhe a ona a thatafatsang tlhabololo ya montshakuno go sekae.
Go ya ka dikgoreletsi tse di fa godimo, ke gona re sekasekang tlhabololo ya montshakuno go ya ka diporojeke le mananeo a a farologaneng.
<fn>PulaImvula. ChemicalMaize.2009-02.tn.txt</fn>
Dibolayatlhatshana ke didiriswa tse di mosola mo mananeotsamaisong a mofero a mantsi. Di tshwanetse go dirisiwa go tlaleletsa mekgwa kgotsa didiriswa tse dingwe tse di leng teng.
Didiriswa tse dingwe tse di akaretsa mekgwatiriso ya setso e e siameng, jaaka nontsho e e maleba le go tshela llaeme go naya dijalo maragogo, thefosanyodijalo le tshugommu e e matshwanedi, tse di leng botlhokwa mo lenaneotsamaisong la mofero le le feleletseng, gammogo le tlhagolo ka metšhine.
Sebolayatlhatshana se tshelwa mo mmung morago ga tshugo ya semotšhine fela go sa le nako pele sejalo se jalwa. Gale se tlhakanngwa le dinoko di le mmalwa tse di fa godimo tsa mmu, go dirisiwa didiriso tsa tlhakanyo tse di farologaneng.
Sebolayatlhatshana se tshelwa mo mmung morago ga tshugo ya semotšhine le paakanyo ya boalopeo fela pele go jalwa mme se tlhakanngwe le dinoko di le mmalwa tse di fa godimo tsa mmu go dirisiwa didiriso tsa tlhakanyo tse di farologaneng.
Sebolayatlhatshana se tshelwa morago ga dijalo di se na go jalwa fela pele di tlhagelela fa godimo ga mmu. Bongola jwa mmu, pula e e botlhošwana kgotsa tshugokakadio di ka tlhokega go fitlhelela taolomofero e e siameng ka dibolayatlhatshana tsa pele ga tlhogo tse dintsi.
Sebolayatlhatshana se tshelwa mo matlhareng a mofero morago ga tlhogo ya dijalo.
Se ke setlhotlheletsi se se matlhagatlhaga sa boalogodimo se se fokotsang kgwatalalo ya boalogodimo, ka go dira jalo se letlelele tshilo le kgaso e e matshwanatshwana thata ya motswako wa sebolayatlhatshana ka go lekalekana mo matlhareng a dimela kgotsa mo mmung. Mareo a mantsi a supa ditiro tsa boalogodimo tse di kgethegileng jaaka "adjuvant", setlhwekisi, setswako, segasi, sekgomaretsi le setlhotlheletsi sa kolobetso.
Bontsi jwa dibolayatlhatshana tse di atlanegisitsweng tse di dirisiwang mo temothuong, di a tlhopha. Ka kelo ya tshelo e e atlanegisitsweng, go tlaa laola ka go tlhopha kgotsa go utlwisa mofero botlhoko, fela ga di ne di utlwisa dijalo tse mefero e tlhogileng mo gare ga tsona botlhoko, go le kalo. Ka go dirisa dibolayatlhatshana tse di tlhophang thata, o tshwanetse go latela kelotshelo e e atlanegisitsweng ka kelotlhoko ka gore dikelo tse di kwa godimo di ka utlwisa botlhoko thata kgotsa tsa bolaya dijalo. O tshwanetse go amogela maikarabelo fa o ka dirisa sebolayatlhatshana ka mokgwa o o farologaneng le o o kailweng mo setshwaokaelong se se mo sekupung mme o latele ditaelo.
Nepo e e tlhokegang mo tshelong ya sebolayatlhatshana e kgolo go gaisa ya mo ditirong tse dingwe tse dintsi tsa mo polaseng. Dintlha di le tharo di laola kelo ya tshelo: kgatelelo, bogolo jwa nosele le lebelo.
Dikelotiriso tse di atlanegisitsweng tsa sebolayatlhatshana gantsi di farologana go ya ka phopholego ya mmu (magelejwa, bogareng le boleta) le diteng tsa dibodi. Dikelo tsa sebolayatlhatshana tse di kwa tlase gantsi di dirisiwa mo mmung o o magelejwa o o nang le dibodi tse di kwa tlase, fa e le gore dikelo tse di kwa godimo di dirisiwa mo mmung o o boleta wa dibodi tse di kwa godimo. Lebelela setshwaokaelo go bona kelo e e maleba ya sebolayatlhatshana sa mebu ya gago.
Dipalopalo tsa mefero e e emelanang le dibolayatlhatshana di ka tlhagelela ka ntlha ya poeletso ya tiriso ya sebolayatlhatshana sa mekgwatiriso e tshwanang. Thefosanyodijalo, thefosanyo ya dibolayatlhatshana kgotsa dibolayatlhatshana tse di tswakanyediwang mo tankeng ka mekgwatiragatso e e farologaneng, di ka thusa go fokotsa ikago ya mefero e e emelanang le dibolayatlhatshana.
Go tlhokega gore go nne lobakanyana pula e sa ne go latela tshelo ya dibolayatlhatshana tsa morago ga jalo. A go nne mo tlhaloganyong ya gago gore go kgonege morago ga kgatsho ya sebolayatlhatshana sengwe le sengwe gore go tlhokega paka e e rileng pula e sa ne. Fa pula e ka na mo pakeng e, go ka nna botoka go boeletsa kgatsho go netefatsa tiragatso e e nonofileng ya khemikale mo bothateng jwa mofero jo bo kobilweng. Dikao ke tse: 2,4 - D amine, diura tse 6-8; 2,4 - D ester, diura tse 1-2; Atrazine, diura tse 4; Basagran, diura tse 8.
Paka e e masisi ya taolomofero ke kakanyo ya botlhokwa ya thulaganyo ya tsamaiso e e gokaganeng ya Mofero. Paka e e tlhaloswa jaaka pakasebakeng mo modikotshelong wa sejalo, mo se tshwanetseng go tsholwa se se na mofero go thibela tatlhegelo ya thobo.
Kakanyotheo e thusa mo go tlhomeng nako e e nonofileng thata ya ditshelo tsa dibolayatlhatshana tsa morago ga tlhogo tse di sa saleleng, mme e fokotsa mokgwatiriso wa setlha se seleele sa masaledi a dibolayatlhatshana le ditshelo tse di sa tlhokegeng tse di thari tsa dibolayatlhatshana. Dipaka tse di masisi di tlhalosiwa go tsamaelana le kgatokgolo ya sejalo go ikarabela mo dipharologanong tsa mmu, maemo a loapi le setlha. Paka e e masisi e thaetswe mo tatlhegelong ya thobo ya bokwatlase jwa 5% ka ntlha ya mathata a mofero. Sejalo se tshwanela gore se se ka sa nna le mofero mo nakong ya dikgato tse go thibela tatlhegelo ya thobo ya go feta 5%. Fa mefero e ne e laotswe mo nakong ya paka e e masisi, mefero e e tlaa tlhogang morago ga e kitla e ama thobo.
Paka e e masisi e ka farologana go ya ka maemo a loapi le kgolo. Dipatlisiso dingwe ka mmidi le dinawa tsa soya di supile gore paka e e masisi e ka farologana go ya ka mofuta wa mmu le thulaganyo ya tshugommu le koo bokhutlo jwa paka e e masisi bo ka atolosiwang go nna moragonyana mo mebung ya mmopa kgotsa fa go dirisiwa thulaganyo ya tshugommu ya go-sa-lemeng.
Paka e e masisi e simologa go tswa kgatong ya matlhare 3 - 8 (Kgatokgolo ya matlhare 4 -10 fa nko ya lefetlho e bonalang mo kutung, kgotsa V2-V6 ya dikgato tsa botshelosemela). Taolomofero e e gaisang e tshwanetse go tswelediwa mo pakeng e e masisi e. Mmidi o o neng o tlhagoletswe mofero malatsi a a ka nnang 34 morago ga jalo kgotsa go fitlha kgatong ya matlhare a 6 - 8 (8 - 10 ya dintlhana tsa matlhare) o ntse le tatlhegelo ya thobo ya 0-5% mo maemong a kgatelelo e e bokete ya mofero.
Dipakatseno tsa seikonomi tsa mofero di thusa go tlhomamisa gore a tlhaselo le tshwenyo ya mofero di lekane go tlhoka gore di dirwe dikgato tsa taolo, ke go re fa e le gore tatlhegelo ya thobo e e efogiwang e feta ditshenyegelo tsa taolomofero. Nako e ka yona mefero e tlhogang go tsamaelana le dijalo ke yona ntlhakgolo e e supang tatlhegelo ya thobo. Mefero e e tlhogang go sale gale ka nako e le nngwe le dijalo e tlhola tatlhegelo ya thobo e kgolo go na le mefero e e tlhogang morago fa dijalo di setse di tlhomame. Sekao, dithuto tsa pakatseno ya seikonomi tse di dirilweng ka kgelegetlwa, "ragweed" le "barnyard-grass" di fitlheletse gore nako ya tlhogo ya mofero go tsamaelana le kgato ya dijalo, e botlhokwa thata go gaisa tlhaselo ya mofero, fa go lekanyediwa diitlhophelo tsa taolomofero. Tatlhegelo ya thobo ya dijalo e ikaegile ka nako e e tsamaelanang ya tlhogo ya matlhogelanyana a mofero. Fopholetsa methamo ya tatlhegelo ya thobo e e amanang le mefero mengwe e e tlhogang mo mmiding le dinaweng tsa soya.
Phesente ya tatlhegelo ya thobo mo mmiding ka ntlha ya dipalopalo tse itsegeng tsa mefero ya matlharephaphathi ya sengwaga e e tlhogileng ka nako e le nngwe le dijalo le go tlogelwa e sa laolwa. (Patlisiso ya kwa Amerika, fela e ka dirisiwa mo Aforikaborwa jaaka tshupo ya kgonego ya ditatlhegelo. Tlhaola mefero ya matlharephaphathi ya sengwaga mo polaseng ya gago go tswa mo lenaneong la mefero e e tlwaelegileng mo Aforikaborwa).
<fn>PulaImvula. Chemicals(maize).2011-09-27.tn.txt</fn>
Go botlhokwa ka gale go tlhaola mathata a a kgethegileng a mefero mo polaseng ya gago. Mekgwatiriso ya tlhagolo, mekgwatiriso ya taolomofero ka dikhemikale le dithefosanyodijalo, e farologana mo sedikeng sengwe le sengwe le mo polaseng nngwe le nngwe. Mathata a mefero mo polaseng ya gago a ka farologana thatathata le a polase ya moagisani.
Tlhatlhoba mefuta ya mefero e e mo polaseng ya gago ka gale mme o tshele kopantsho e e nepagetseng ya dibolayatlhatshana tse di tshwanetseng. Tsweetswee leba mo lenaneong le le fa tlase go bona dingwe tsa diikgethelo le dikopantsho tse di kannweng tse di leng teng mo Aforikaborwa mo taolong ya mofero mo mmiding.
Dikhemikale le dikopantsho tsa dikhemikale tse di leng teng di dirilwe ka dingwe tsa ditswaki tse di mafolofolo tse dikgolo tse di laolang ditlhaga tsa sengwaga kgotsa mefero ya matlharephaphathi ya sengwaga. Ditswaki tse di mafolofolo ke dinnanne tsa sekhemikale tse di kgethegileng tse di bolayang mofero ka go tshwenyana kgotsa go thibela ditirego tsa sebaeyokhemikale tse di kgontshang mefeero go tshwara marang a letsatsi le go tswelela go gola, mme kwa bofelong e ntshe dikuno.
Ka jalo dikhemikale di a kopantshiwa fa masimo a montshakuno a na le mathata a ditlhaga le matlharephaphathi ka bobedi jwa ona. Mo mabakeng a mangwe a a lesego ka ntlha ya mekgwatiriso ya thefosanyodijalo le taolomofero e e nepagetseng o ka fitlhela go ka tswa go le kgonego fela ya bothata jwa mofero wa matlharephaphathi wa sengwaga mo masimong a gago. Go tlaa bo ka jalo go le tshenyo ya madi go kgatshetsha ditlhaga. Tshekatsheko e e nepagetseng tota ya bothata e tlaa kgontsha go dirisa sentle kgotsa go fokotsa ditshenyegelo tsa gago tsa taolomofero.
Go molemo go itse go tswa mo dipholong tsa ditekommu tsa gago diteng tsa mmopa tsa mmugodimo wa tshimo nngwe le nngwe mo polaseng ya gago. Dikelotshelo tsa dikhemikale tsa taolomofero e e nonofileng di tlhatloga ka bonako go ya le tlhatlogo ya diteng tsa mmopa tsa mmu. Se se diragala ka gore dikholoete tsa mmopa di monyela dingwe tsa ditswaki tse di mafolofolo tse di tshetsweng ka jalo di lekanyetse khemikale e e leng teng eo semela se ka e nwang go tswa mo dibakagareng tsa metsi a a mo dikarolwaneng tsa mmu.
Go tlaa bo go se botlhale go sa tsheleng ditoiso tseo dikhemikale tse di nepagetseng tse di atlanegisitsweng ka heketara. Polao ya mofero e e sa nonofang e ka tlhola ditatlhegelo tse di boitshegang tsa thobo setlha seno. Go tshela selekanyo se sennye sa khemikale go na le jaaka go atlanegisitswe, go tlhola gore mefero mengwe e se ke ya bolawa. Mo melokong e mentsi ya dimela "kemelano le go swa" e, e tlhola dimela tsa mefero tse di ka tshelang mo tshelong ya ditswaki tse di mafolofolo tsa sebolayatlhatshana tsa mothama o o fetang ga lekgolo go na le o o ka laolang mofero gajaana.
Ka jalo go mo dikgatlhegelong tsa morafe wa temothuo otlhe gore ditshelo tse di atlanegisitsweng di latelwe jaaka tumelo. Fa go ka nna le kemelano, go ja ditshenyegelo tse dintsi thata tsa patlisiso le thibololo ya dikhemikale tse dintšhwa go ka nna le taolomofero e e nonofileng.
Go sedimosa ka khemikale ya tlaleletso e e tshwanetseng go tshelwa go tlhokometswe ditengmmopa, bona tshelo e e atlanegisitsweng ya asethokoloro (acetochlor) e e laolang bogolo ditlhaga tsa sengwaga mabapi le ditengmmopa tsa mmu. "Acetochlor e dirisiwa gantsi ka kopanyo le "safener". Se ke setswaki se ka kopantsho le "acetochlor" se thibelang khemikale e go bolaya dimela tsa mmidi tse, jaaka go tshwanetswe ga gakologelwa, le tsona e leng tlhaga.
Pele ga tlhogo e kaya go kgatshiwa ga khemikale mo godimo ga mmu kgotsa boalogodimo jwa mmu jwa tshugopotlana morago ga go jwala fela pele dimela di tlhagelela mo mmung.
Dilekanyo tse di kwa godimo tsa semeto ka heketara di tlaa dirisiwa mo mabakeng ao go nang le tlhaselo e e kgolo e e tswelelang e e rileng ya mehuta mengwe ya ditlhaga tsa sengwaga mo masimong mangwe.
Ditshenyegelo ka heketara tsa dikhemikale fela di tlaa farologana go tswa go R97,50 ka heketara mo mebung ya motlhaba (0% -10% ditengmmopa) go ya R150 ka heketara mo mebung ya mmopa o o kwa godimo (41% - 55% ditengmmopa).
Dijalo tsa mmidi tsa kgono ya 4,5 ditono/ha di ka akanyediwa boleng jwa R7 200 ka heketara. Ka jalo e tlaa bo e le go tlhoka tebelopele le bosilo fela go boloka R60 ka heketara fa o akanya mathata a a ka tlhagelelang otlhe a gajaana le a a akanyediwang mo isagweng. Gape, sekaseka bothata le mogakolod wa sekhimikale wa gago mme o dire taolo ka tolamo.
Go sa ntse go le botlhokwa go itse gore ke dikhemikale dife tse o yang go di dirisa gore o tle o kgone go golaganya gore "spray rig" se nne teng leng mo setlheng. Ditshelo tsa taolomofero di ka dirwa pele ga dimela di tlhoga morago ga jwalo, fela fa morago ga dimela di sena go tlhagelela mo mmung kgotsa ka nako kgotsa fela ka bonako morago ga jwalo mo godimo ga boalogodimo jwa mmu jo bo baakantsweng sentle. Boalogodimo jwa jwalo jo bo baakantsweng sentle bo kaya, boalogodimo jwa mmu jo bo boruma jo bo se nang dibodi ts di ka monyelang dingwe tsa dikhemikale tse di tshetsweng.
Mo tshelo ka kgotsa fela fa nako ya jwalo montshakuno o ka swetsa go rika (to rig up) polantere ya gagwe gore dikhemikale di kgatshiwe mo karolong e e sephara mo morago ga mola wa polantere kgotsa mo seripaneng se se lekanyeditsweng mo moleng mongwe le mongwe. Gongwe "spray rig" se ka tsenngwa fela mo masimong. Go na le nako e ntsi ya go dira ditiro tsa kgatsho ya morago ga tlhogo.
Mokgwa wa tlhopho le ona o ikaegile thata ka bokgoni jwa terekere le didiriso tse o nang natso tse di hirilweng ke montshakuno mongwe ka bongwe. Togamaano ka jalo e tshwanetse go tsaya tsia dintlha di le dintsi tse di akaretsang kgonagalo ya gore o ka nna le sebakanyana se sennye fela sa tšhono ya go fetsa tiro ya kgatsho ya gago ka ntlha ya pula e e fetang e e tlwaetsweng.
Tshobokanyo ya mengwe ya metswako e e teng mo mmarakeng e bontshiwa fa tlase. Jaaka montshakuno kgotsa motsamaisi wa polase, itlwaetse dikhemikale tse dikgolo tse di dirisiwang le ditoiso tsa ditswaki tse di mafolofolo mo go nngwe le nngwe. Go na le mehuta e mentsi ya maina a a gogelang mo mmarakeng, e e nang le ditswaki e e tshwanang kgotsa bapileng ka ditswaki tse di mafolofolo. Fa o ka tshwantshanya ditlhotlhwa tsa dinonofo tsa dikuno tse di farologaneng, bereka tlhotlhwa ka geramo ya ditswaki tse di mafolofolo ka litara, gore o tle o tshwantshanye ditshenyegelo ka go lekalekana.
Pele ga tlhogo.
Bogolo thata ditlhaga tsa sengwaga.
Pele ga tlhogo.
Bogolo thata ditlhaga tsa sengwaga.
Pele ga tlhogo. Tshela mo boalopeong jo bo baakantsweng sentle.
Mefero ya matlharephaphathi ya sengwaga le ditlhaga dingwe.
Pele ga tlhogo. Tshela mo boalopeong jo bo baakantsweng sentle.
Mefero ya matlharephaphathi ya sengwaga le ditlhaga dingwe.
Acetochlor/atrazine terbuthylazine (ka le kwa ntle ga safener).
Pele ga tlhogo.
Mefero ya matlharephaphathi ya sengwaga le ditlhaga tse dingwe.
Pele ga tlhogo. Tshela fela fa moragonyana mo boalopeong jo bo baakantsweng sentle. E seng morago ga malatsi a mabedi.
Bogolo thata ditlhaga tsa sengwaga.
Pele ga tlhogo. Tshela mo boalopeong jo bo baakantsweng sentle. E seng mo mebung ya mmopa o o kwa tlase ga 16%.
Mefero ya matlharephaphathi ya sengwaga le ditlhaga dingwe.
Morago ga tlhogo KwaZulu Natala FELA.
Mefero ya matlharephaphathi ya sengwaga le ditlhaga dingwe.
Tshela mo meferong e e golang ka go phophoma.
Bogolo thata mefero ya matlharephaphathi ya sengwaga.
Pele ga tlhogo kgotsa go sale gale morago ga tlhogo.
Bogolo thata mofero ya matlharephaphathi ya sengwaga.
Tshela fa mefero e tlhogile gotlhelele.
Bogolo thata mofero ya matlharephaphathi ya sengwaga.
Tshela morago ga malatsi a 5-6 mo boalopeong jo bo bongola.
Bogolo thata mefero ya matlharephaphathi ya sengwaga.
Tshela mo boalopeong jo bo baakantsweng sentle le go tsenyeletsa mo mmung.
Bogolosegolo ditlhaga tsa sengwaga, tlhorungwe e tshetlha le e selaole.
Pele ga tlhogo. Tshela mo boalopeong jo bo baakantsweng sentle mo malatsing a mararo morago ga go jwala.
Bogolosegolo ditlhaga tsa sengwaga, tlhorungwe e tshetlha.
Jaaka go ka lemogwa mo dikaong tse di mmalwa tse go bonala go sa kgonagale mo montshakunong go lepalepana le dikopantsho tsa sekhemikale tse dintšhwa. Godimo ga moo montshakuno o tshwanetse go sekaseka gore ke efe e e gaisang go e tshela ka kelo e e nepagetseng mo mmung o o rileng mo tshimong e e nang le mathata a mofero a a tlhaolegileng. Ka gale gakololana le motho wa seporofešenale mo mofameng wa dibolayatlhatshana.
<fn>PulaImvula. Chemicals.2008-01.tn.txt</fn>
Byline: Corné Louw, Raikonomi wa Temothuo: Ntshodikuno/Ditsenngwateng, Grain SA.
Dikhemikale tsa temothuo di ka senya dijalo tsa gago, go na le go di sireletsa, fa di sa tshelwe go ya ka dikatlanegiso tse di rebotsweng le ka tlhokomelo e e tlhokegang. Ka go latela dikgopolotheo tsa motheo fa o reka le go tshela dikhemikale, montshadikuno o ka thibela tshenyo e e boitshegang mo dijalong tsa gagwe.
A sediriso sa temothuo se kwadiseditswe sejalo se se kgethegileng (mo Aforikaborwa) le go bolaya mofero, boswa kgotsa leroborobo le le rileng?
A selekanyo se se atlanegisitsweng sa khemikale se tshetswe jaaka go rebotswe?
A maemo a loapi ka nako ya, le morago ga tshelo a dumelana le maemo a a rebotsweng?
A maemo a loapi ka nako ya, le morago ga tshelo a dumelana le maemo a a rebotsweng?
A nako ya tshelo e tshwanelana le e e rebotsweng, sekao phakela thata kgotsa thapama thata?
A maemo a tshimo mo dijalo di lemilweng a mo ditlhokegong tse di beilweng, sekao, bongola jwa mmu le mofuta wa mmu?
A dikgatotaolo kgatlhanong le tlhaselo di diragaditswe ka kgato ya kgolo jaaka di rebolwa ke dikaelo tsa tiriso?
Ditlamorago - a sediriso sa temothuo se ka nna le kotsi mo thulaganyong ya thefosanyo - ka mafoko a mangwe, mo dijalong tse di latelang?
A sediriso sa temothuo se ka tswakanngwa le didiriso tse dingwe - sekao, sebolayatlhatshana se se kgethegileng le dibolayatlhatshana tse dingwe le/kgotsa dibolayasenyi le dibolayaboswa tse dingwe?
Dikatlanegiso di tshwanetse gore di bo di kwadilwe le go kanwa ke moemedi.
Bantshadikuno ba tshwanetse go tsaya tsia gore phokelelo e ka diragala ka nako ya tshelo ya dikhemikale, bogolosegolo ka kgatsho ya mo moweng, le go leka go fokotsa seno. Tshenyo e e boitshegang e ka tlhagelela fa dikhemikale di ka wela mo masimong a a mabapi a na le dijalo tse di masisi.
Tshireletsego ya dijo e botlhokwatlhokwa thata. Ka go tshela dikhemikale ka nepo le go tshola direketo tsa ditshelo tse, bantshadikuno ba setse ba falotse ditlhokego tsa tshireletso ya dijo tse di maswe thata.
<fn>PulaImvula. Commercial1.2008-11.tn.txt</fn>
Photos: Dilo tse dintle: 035, 060, 065, 067, 069, 073.
Mola wa morago: John Metswamere, Amos Njoro (mogokaganyi wa porofense), Orapeleng Bankies.
Mola o o fa pele: Phillip Xaba, Deliwe Ntebele-Mutlwane, David Malo le Solomzi Boozene.
George Mahlangu, Jerry Mthombothi (mogokaganyi wa Porofense), le Josias Masomboka.
Mola wa morago: Samuel Moloi, Isaac Khuto, Moses Malo.
Mola o o fa pele: Lungile Malo, Israel Motlhabane, Paul Morule, le Thando Lolwane.
Mola wa morago : Nico Vermaak (motsamaisi : Corporate Services , Grain SA), Jane McPherson (motsamisalenaneo).
Mola o o fa pele : Basie Ntsimane, Lepati Macaphasa, le Boy Mokoena.
Ba ba seyong : Labious Manoto.
Mola wa morago: Johan Kriel (mogokaganyi wa Porofense), Arnold Jenkins, Petrus Monnane, Simon Motsima.
Mola o o fa pele: Jacob Khomako, Michael Ramoholi, Malefane Makubo, le Samuel Nyambose.
Mola wa morago: Tonie Loots (mogokaganyi wa porofense), Karabo Peele.
Mola o o fa pele: Simon Mazwi, Lazarus Mothusi, John Setshwaro, Daniel Mocwiri.
Letsatsi la 25 Lwetse, 2008 le tlaa gakologelwa ke ba Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA jaaka la moletlo o o kgethegileng thata - letsatsi le le tshwanelwang go gakologelwa.
Maikaelelo a lenaneotlhabololo la balemadithoro ke go tlhabolola bantshadikuno ba bagwebi ba bantsho ba ba nang le bokgoni mme meletlo e e neng e tshwaretswe kwa NAMPO ka 25 Lwetse 2008 e ne e le go tsaya tsia bantshadikuno ba ba ka tlhagisiwang mo madirelong a temothuo ka bophara jaaka bagwebi ba nnete ba bantshadikuno ba bantsho.
Tsela ya go fitlhelela go nna molemathoro wa mogwebi ga e botlhofo jalo, mme ga go na go tlhabanyetsa. Temothuo ke kgwetlho mme dielo tsa poelo di dinnye thata. Bantshadikuno ba, ba ntse ba engwa nokeng ke badiredi ba Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA, gammogo le bannaleseabe ba bangwe ba bantsi mo madirelong a - dibanka, dikgwebo tsa temothuo, ditlamo tsa tlamelo ya dithusatlhagiso (inputs) le bantshadikuno ba bagwebi ba bangwe.
Morago ga dingwaga tsa go tlamela bantshadikuno ka ditirelo ka ditlhophathutano, ditekelelo tsa dipontsho, malatsi a balemirui, kgaisano ya Molemi wa Ngwaga, dikhosokatiso, dikgaso tsa radio le lokwalodikgannyana lwa kgwedi le kgwedi Pula/Imvula, re ne ra swetsa go simolola ka "Lenaneo la balemirui ba ba tsweletseng" go neela kemonokeng e e tseneletseng le ya sebele go bantshadikuno ba ba bontshang bokgoni, kgatlhego, boineelo le keletso ya go atlega. Bontsi jwa bantshadikuno ba ba akgotsweng mo moletlong o ke ba ba ntseng ba le karolo ya lenaneo e bile e le balemirui ba bagwebi ka lobaka lo loleele mo e bileng tota re ka se keng ra tlhola re tshwaela sepe mo tlhabololong ya bona jaaka bantshadikuno - ke bantshadikuno ba bagwebi. Re ne ra akanya gore ke nako ya go tlotla bao ba kampaneng le mathata mme ba kgona - ba kgonne tota jaaka bantshadikuno ba bagwebi.
Re ne ra akanya gore go tshwanetse go tlhomiwe 250 Ton Club e le go amogela phitlhelelo ya ba ba setseng ba ntsha go feta ditono tse 250 tsa dithoro ka ngwaga e bile ba le gaufi le go ka bidiwa "bantshadikuno ba bagwebi". Bontsi jwa bantshadikuno ba tlaa tswelela go nna karolo ya lenaneo la rona ngwaga kgotsa tse pedi fela, fela tswelelopele ya bona e tlhoka go tsewa tsia.
Lenaneotlhabololo le ntse le dira dingwaga di le dintsi, mme Diterasete tsa Dithoro, bogolosegolo Terasete ya Mmidi, di beeleditse madi a a boitshegang mo tlhabololong ya bantshadikuno. Go itumedisa e le ruri, go tlhagisa bantshadikuno ba le 8 mo morafeng wa balemirui jaaka bantshadikuno ba bagwebi ba mmatota, le go ya pele go amogela bantshadikuno ba le 26 ka go ba laletsa go nna ditokololo tsa 250 Ton Club. Go na le ditlhopha tse di farologaneng mo 250 Ton Club, mme re na le bantshadikuno ba le 4 ba ba ntshang go feta ditono tse 1 000, le ba le 7 ba ba ntshang go feta ditono tse 500, le ba le 21 ba ba ntshang go feta ditono tse 250.
Re rulaganya go dira se go nna tiragalo ya ngwaga le ngwaga mme re letile ka botswapelo go tshwara meletlo ya 2009.
<fn>PulaImvula. Commercial2.2008-11.tn.txt</fn>
Ke bagwebi go ya ka kemo efe kana efe!
Exploding Qoute: "Ga go ope wa rona yo o itseng bokamoso Selo sa botlhokwa ke go dirisa gompieno ka botlhale le thokgamo, le go kampana le kamoso ka matlhagatlhaga le boitumelo le ka netefaletso ya gore re tlaa mekamekana sentle le se bo tlang ka sona".
Ka 25 Lwetse, 2008, kwa moletlong o o neng o tswaretswe kwa NAMPO Park, gaufi le Bothaville, Lenaneotlhabololo la Balemirui la rona le ketikile phitlhelelokgolo ya lona - bantshadikuno ba le 9, ba alogile go tswa mo lenaneong le la rona.
Go ya ka tlwaelo ya Aforikaborwa, re na ka tlhago le bantshadikuno ba bagwebi ba "basweu" mme bantshadikuno ba bantsho bona ba itsege jaaka bantshadikuno ba ba tlhogang, ba ba jelang ganong, ba babotlana kgotsa ba ba tlhabologang. Re bone gore jaanong ke nako ya go tlotlomatsa bantshadikuno bao ba ba fetogileng go nna bantshadikuno ba bagwebi ba ba feleletseng le mororo ba kopane le mathata a mantsi mo tseleng ya bona.
Ga twe: "mathata ke ona a tlhaolang banna mo basimaneng", mme bantshadikuno ba re ba tlotlomaditseng ka 25 Lwetse, 2008 ba tota ba re bontshitse gore ke banna tia.
Dipoelo tse di kwa tlase tsa ntshodikunothoro.
Mabaka a a amanang le lefatshe.
Dithulaganyo tsa thuolefatshe tse di farologaneng kwa ntle ga tshireletsego.
Kabosešwa le ditopo tsa poelo lefatshe.
Thulaganyo ya thuolefatshe ya mafatshe a semorafe ka diketsaetsego le mathata a yona mo bantshadikunong ba bagwebi.
Kemo e e bokoa ya mmu mabapi le ditlhokego tsa fosefeite le llaeme.
Ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa metšhine le tlamelo ya yona.
Thulaganyo ya mebaraka e e marara le e e bokete e e gololesegileng ya thekiso.
Tlhaelo ya go fitlhelela matlole le tseisomolato ya ntshodikuno.
Tlhaelo ya tshedimosetso, kitso le kemonokeng e e lekaneng.
Dikgwebo tsa temothuo - bogolo MGK, NWK, VKB le OVK.
Fa re re bantshadikuno ba ba fitlheletse kemo ya "Montshadikuno wa Mogwebi" tota ra reng Ba kgonne eng totatota?
Thuolefatshe ya lefatshe e e tswelelang.
Tirisolefatshe e e tswelelang.
Diterekere, didiriso, ditlamelo le metšhine.
Dikadimo le matlole.
Tsamaiso ya polase le kgwebo ka kakaretso.
Karabo Peele, Thando Lolwane, Paul Morule, Job Metswamere, Labious Manoto, Boy Mokoena, Lepati Macaphasa, Basie Ntsimane le Moss Malo. Ba fitlheletse se ka neo, go dira ka natla, kitso, boineelo le boitlamo - ga go tlhabanyediwe, mme fa o batla go fitlhelela se ba setseng ba se dirile,"le ka motlhaope, se itlhoboge"!
<fn>PulaImvula. CommunicationMaize.2008-12.tn.txt</fn>
Byline: Jane McPherson, Motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA.
Lenaneotlhabololo la Balemirui le tsweletse go tsaya matsapa go tlhaeletsana le wena - montshadikuno. Ditsela tse di farologaneng go akaretsa lokwalodikgannyana la Pula/Imvula, dikgaso tsa radio, DVD, dibenara tse di ka tsholwang, diphousetara le dipampitshana tsa tshedimosetso, di dirisiwa go fitlhelela montshadikuno.
Re baakanya, ntsifatsa le go phasalatsa lokwalodikgannyana lo lwa kgwedi le kgwedi (lwa ditsebe tse 8 le ditshwantsho tsa mmala o o feletseng), ka dipuo di le supa - English, Afrikaans, Setswana, Sesotho, Sesotho sa Leboa, Sethosa le Sezulu.
Pula/Imvula ke porojeke e e tswelelang e e nang le modiko wa kgatiso - dikgannyana tsa tshimologo di baakanngwa ka Seesimane, di bo di romelwa kwa ditirelong tsa tshedimosetso koo thulaganyo ya karolo ya Seesimane e dirwang gona. Dikgannyana di bewa ka mananeo ka sebopego se se nepagetseng go ya diphetolelong, mme tsona di romelwe kwa bafetoleding ba barataro. Tsona morago di romelwa gape kwa go ba ditirelo tsa tshedimosetso gore dipuo tse dingwe le tsona di tle di rulaganngwe. Fa di setse di rebotswe, di romelwa kwa bagatising le go phasaladiwa ka mmetela. Modiko o o tsaya go ka nna kgwedi tse pedi go o digela.
Monongwaga re atolositse Pula/Imvula go akaretsa dijalo tse dingwe - re na le dikgatiso tsa kotara tsa tlaleletso tsa ditsebe di le nne mo go Sedimonthole, Mopitlwe, Seetibosigo le Lwetse tsa Ntshodikuno ya Korong mo Foreisetatabotlhaba, tse di etleediwang ke ba Terasete ya Disirele tsa Mariga. Gape le dikgatiso tsa kotara tsa tlaleletso tsa ditsebe tse nne mo go Ferikgong, Moranang, Phukwi le Diphalane tsa ntshodikuno ya Sonobolomo tse di etleediwang ke ba Terasete ya Tlhabololo ya Dipeo tsa Oli le Poroteine.
Go phasalatsa tshedimosetso ya madirelo mo maphateng otlhe a a nang le kgatlhego le go amega mo lenaneong - go na le bantshadikuno le balemisi ba bantsi ba ba tlhokang go itse ka lenaneo le, le ka ga eng le gona ba ikopanye le mang go bona tshedimosetso. Dipampitshana tsa tshedimosetso di baakantswe le go ntsifadiwa mo dipuong tse supa (Seesimane, Seaforikanse, Sethosa, Sezulu, Setswana, Sesotho le Sesotho sa Leboa). Dikhophi tsa dipampitshana di neilwe dikantoro tsa porofense tsotlhe mme di newa maphata otlhe a a nang le kgatlhego. Dipampitshana tse di ne di le teng kwa NAMPO mme di tlaa tswelela go dirisiwa ka gale.
Go dirilwe DVD ya metsotso e le robedi ka lenaneo le mme e dirisitswe sentle thata mo ngwageng o. Ka nako ya moletlo wa NAMPO, re ne ra laleletsa "ditsala tsa lenaneo" dipontsho tsa ntlha tsa DVD mme tsibogo ya bona e ntse e e nametsang. Dikhophi tsa DVD di setse di neilwe bagokaganyi ba tlhabololo ba diporofense botlhe gammogo le bakatisi mme di ka bonwa nako nngwe le nngwe fa go kgonega. Kwa pitsong nngwe ya setlhophathutano kwa Foreisetata, Johan Kriel o ne a bontsha DVD e, mme bantshadikuno ba lopa go e bontshiwa makgati a mararo - ba ne ba itumeletse go bona kgolo ya lenaneo.
Go tshwaraganwe le go dira "pull-out banners" mme di tlaa dirisiwa ke Motsamaisi wa Porofense mongwe le mongwe kwa dipitsong tsa ditlhophathutano le malatsi a bantshadikuno.
Re dirisa dikgaso tsa radio beke le beke mo diteišeneng tsa radio di le nne go fetisetsa tshedimosetso ya madirelo kwa bareetsing ba bantsintsi.
<fn>PulaImvula. Competition.2010-01.tn.txt</fn>
Mo dingwageng tse, ka bomadimabe temothuo e ntse se se sa rategeng mo bašweng ba Aforikaborwa jaaka tlhopho ya boitshediso. Go sa ntse gape go na le kgopolo e e reng ga go na bantshakuno ba bagwebi ba bantsho ba ba dirang sentle. Ka kgaisano e, re bontsha batho gore go na le bantshakuno ba bantsho ba ba atlegileng, le gore batho ba ba dirang ka natla ba ka atlega.
Tiragalo ya mabono e kwa go yona go begilweng Montshakuno wa Ngwaga e diragetse mo pakeng ya pego e, le mororo bafitlhamakgaolakgannye ba tlhaotswe mo pakeng e e fetileng. Borre Samuel Moloi go tswa Fouriesburg, Isak Khuto go tswa Ficksburg le Labious Manoto go tswa Mooifontein e ntse bona bafitlhamakgaolakgannye ba bararo. Mofenyi yo o matshwanedi e ntse rre Labious Manoto go tswa Mooifontein yo o ntseng a le tokololo ya lenaneotlhabololo le mo dingwageng tse dintsi. (Tota ke tokololo ya 1 000 Ton ya 250 Ton Club mme o alogile go tswa mo lenaneong le la rona). Monongwaga, fela jaaka mo dingwageng tse di fetileng, re tsweletse ka kgaisano. Go ntse le batlhophiwa ba Montshakuno yo o Tlhabologang wa Ngwaga ba le supa. Borre Phillip Xaba go tswa Bothaville, Lungile Malo, go tswa Delareyville, Simon Mazwi, go tswa Makouspan, Shimi Mokoka, go tswa Vanderbijlpark, mme Nolundi Msengana, go tswa Vanderbijlpark, Borre William Matasane go tswa Senekal le Samuel Moloi go tswa Fouriesburg.
Ditokololo tsa setlhophatlhatlhobo se se atlhotseng bafitlhelelamakgaolakgang mo go Seetibosigo monongwaga e ne e le Borre Karabo Peele, go tswa Maize Trust, Andre Smit, go tswa Land Bank, Dirk van Rensburg, (tokololo e e rotseng tiro ya Komitikhuduthamaga ya Grain SA), Jabulani Zitha le Mme Jenny Mathews (ditokololo tsa Komitikhuduthamaga ya Grain SA le setlhophatiro mo Tlhabololong ya Balemirui), le ditokololo tse tharo tsa badiri go tswa lenaneong (Jane McPherson, Willie Kotze le Danie van den Berg). Bontlhopheng go tswa Foreisetata ba ne ba kgatlhisa thata, mme bafitlhamakgaolakgang ba bararo ba tswa Foreisetata. Ke lwa ntlha mo hisetoring ya tiragalo e go se na mofitlhamakgaolakgang go tswa Bokonebophirima. Jaaka go begilwe mo kgatisong ya Sedimonthole ya Pula/Imvula, mofenyi wa Montshakuno yo o Tlhabologang wa Ngwaga wa Grain SA wa 2009 ke Samuel Moloi go tswa Fouriesburg.
Monongwaga re tshwere lwa ntlha kgaisano ya montshakunopotlana wa Ngwaga - se e le kwa Mpumalanga le Kapabotlhaba. Go ne go na le bontlhopheng ba le batlhano go tswa kgaolong e nngwe le e nngwe mme kgaisano e e atlhotswe mo bekeng e le nngwe jaaka e nngwe. Go lobaka re lemogile gore re tshwanetse go atswa bantshakuno ba ba dirang sentle le mororo ba lema lefatshe le lennye thata. Re solofela go rotloetsa batho ba bantsi go simolola ka go le gonnye mo lefatsheng lefe fela le ba ka le fitlhelelang, ba lootse bokgoni jwa bona, mme ba nne mo seemong sa go oketsa bogolo jwa tiro ya bona.
<fn>PulaImvula. Congress(Maize).2011-05-11.tn.txt</fn>
Rre Jan Botha go tswa Thaba'Patchoa o tlhagisitse ditshwenyego di le mmalwa mo boemong jwa bantshakuno ba ba tlhabologang ka nako ya Khonkerese ya Grain SA ya ngwaga le ngwaga ka 9 Mopitlwe 2011. O ne a tlhomile mogopolo thata mo dikgwetlhong tse di lebaneng bantshakuno ba ba tlhabologang le go palelwa ga puso ke go ba thusa.
"Jaaka bantshakuno ba bantsho re lebane le dikgwetlho tse di tshwanang le tsa bantshakuno ba bagwebi mme go le gantsi dikgwetlho tse di re betsa segampana gonne re se na dipolokelo (reserves)" go rialo Jan, pele a tswelela go fa dikao tsa mathata a ba kopaneng nao le ka moo puso o ba phuagantseng ka teng.
Tshwenyego ya ntlha e a e tlhagisitseng ke selekanyo se se kwa tlase sa pH. O ne a supa ka moo Lefapha la Temothuo, Dikgwa le Thuotlhapi mo Foreisetata le solofeditseng bantshakuno ba bona llaeme ka teng. Mebepe ya GP e ne ya dirwa, dikaommu tsa tsewa, dikatlanegiso tsa dirwa, methamo ya llaeme ya tlhomamisiwa e bile le madi a le teng mo tekanyetsokabong. Tsotlhe tse di ne di setse di dirilwe ka Motsheganong 2010, fela le gajaana llaeme ga ise e tshelwe mo masimong. "Se se amile dijalo tsa selemo ngogola mme se sa ntse gape se tlaa ama dijalo tsa korong monongwaga", go rialo Jan.
Tshwenyego ya gagwe ya bobedi e ntse seemo se se bokoa sa metšhine le diterekere. O buile ka moo Grain SA e dirileng tshekatsheko e e tseneletseng ya diterekere le metšhine ya bantshakuno ba le 42 mo Foreisetata le go kopa LTDT go thusa bantshakuno ka R2,5 milione ka teng go di baakanya. Se se ne se setse se dirilwe ka 12 Mopitlwe, 2010 fela le go fitlha gajaana ga go nko e tswang lamina.
Tshwenyego e e latelang ya gagwe e ntse dikonturu le mesele ya metsi e e senyegileng. "Lefapha la LTDT le na le lenaneo la Tshomarelo ya Lefatshe le le dirang tiro e e manontlhotlho, fela tekanyetsokabo e nnye thata mme lefatshe lona le gogolega ka bonako jo bo sitisang go itepatepanya le yona".
O ne a ama gape maemo a a maswe a ditsela mo nageng ya rona le ka moo a amang ikonomi bosula ka teng pele a fetela kwa bothateng jwa phulophetiso. "Phulophetiso e tshwanetse go laolwa ke LTDT ka lenaneo le le kileng la bo le itsege ka "tshireletso ya boalommu" go tshikintse Jan jalo.
Go palelwa ga bommasepala go laola mafatshe a merafe le gona go tlhageletse mo lenaneong la gagwe gammogo le mathata a go bona dikadimo tsa ntshokuno. Jan o tlhalositse gore ke fela 25% ya masimo a bantshakuno ba bantsho e e neng e jetswe ngogola gonne bantshakuno ba sa kgona go fitlhelela dikadimo tsa ntshokuno. Dipoelo di dinnye thata go ka kgontsha go bona kadimo. Grain SA e diretse bantshakuno ba le 152 ditogamaano tsa kgwebo mo lenaneong la yona ba ba neng ba batla go jala dijalo tsa selemo. Bantshakuno ba ne ba tlhoka dikabo tsa nakwana gore seno se kgonege fela puso ga e a ka ya tsaya tshwetso ka ntlha e. "Diheketara di le 27 000 tsa masimo di ka bo di jetswe ke bantshakuno ba bantsho - puso ga e a tsaya matsapa ape, fela ya re e tshwenyegile ka tshireletsego ya dijo".
Jan gape o tlhagisitse tshwenyego ya gore balemisi ga ba kgone go thusa bantshakuno. "Ga ba na maitemogelo a temothuo a tiragatso ape fela e bile le mo dipolaseng ga ba tle."
Sekao sa bofelo sa go palelwa ga puso go rarabolola ditshwenyego tsa balemirui ba ba tlhabologang e ntse ntlha ya Lefapha la Merero ya mafatshe ya go abela batho ba e seng bantshakuno lefatshe, "Bantshakuno ba ba nonofileng ba tsweletse go kgaratlha ka go tlhoka lefatshe le e leng ba bona, fa lefatshe le newa ba bangwe ba ba sa kgoneng go le dirisa."
Rre Jan Botha o digetse puo ya gagwe ka go ikuela mo go Modulasetilo wa Khonkerese go fetisetsa molaetsa wa bona kwa maemong a a kwa godimodimo a puso. "Ba paledisa bantshakuno ba bantsho go tswelela, mme ga re kitla re fetola lephata le kwa ntle ga gore ba simolole go direla batho" a digela jalo.
<fn>PulaImvula. Congress(maize).2011-02-08.tn.txt</fn>
Ngwaga mongwe le mongwe Grain SA e tshwara Khonkerese ya ngwaga le ngwaga ka Mopitlwe kwa Bothaville. Monongwaga matlha a Khonkerese e tlaa nna 9 le 10 Mopitlwe, 2011.
Go ipaakanyetsa Khonkerese, re tlaa tshwara dikhonkeresepotlana di le supa tsa ditokololo tsa ditlhophathutano tsa Grain SA - ditokololo tsa bagwebi tsa Grain SA di tshwarelwa dipitso tsa kgaolo. Mo nakong e e fetileng re ne ra tshwarela bantshakuno ba ba tlhabologang dipitso di ka nna nne fela, fela re lemogile gore ka dinako dingwe go bokete mo bantshakunong go tsamaya dikgala tse ditelele go ya dipitsong.
Jaaka tokololo e e tletseng ya Grain SA, o lalediwa ke gona go tsena pitso e e mo kgaolong ya gaeno, e e rulagantsweng ke mogokaganyi wa porofense yo o direlang setlhophathutano sa gago.
Mokgatlho wa thoto wa gago wa Grain SA, o tshwanetse o bo o go direlang jaaka montshakuno?
A Grain SA e iketleeleditse isagwe?
Kwa Khonkeresepotlaneng bantshakuno ba baakanyediwa Khonkerese mme ditokololo tsa ditlhophathutano di newa tšhono ya go tlhopha baemedi go ya Khonkereseng. Mo nakong e e fetileng re lekile go aroganya ditokololo tsa ditlhophathutano ka Bokone, Borwa, Botlhaba le Bophirima fela se se ntse kgwetlho e tona ka melelwane e sa tlhapa. Go nolofatsa dilo, re sweditse go tshwara pitso mo kgaolong ya mogokaganyi wa porofense mongwe le mongwe. Go tlaa dumelelwa baemedi ba le 32 kwa Khonkereseng (go ya ka molaotheo wa Grain SA), go tsenela Khonkerese kwa Bothaville ka 9 le 10 Mopitlwe, 2011. Go tswa mo baemeding ba ba 32 ba Khonkerese, baemedi ba le bane (4) ba ka tlhophiwa go nna mo Komiting ya Khuduthamaga ya Grain SA. Mo kgannyaneng e e mo tsebeng ya botlhano, o tlaa buisa ka dimametlelelo tse di tshikintsweng tsa molaotheo.
Maitemogelo a a re lemositse gore ga se ka dinako tsotlhe gore bao ba tlhophilweng go nna mo khuduthamageng ya botsamaisi ke bantshakuno ba mmatota, e bile ga ba kgone go dira ditshwaelo tse di batlegang mo dipitsong. Re solofela fa bantshakuno ba tla mametlelela molaotheo jaaka go tshikintswe, gore go netefadiwe fa bantshakuno ba ba tlhabologang ba tlhopha baemedi ba ba tshwanetseng go dira mo Komiting ya Khuduthamaga. Ditokololo tse tsa komiti di tshwanetse tsa bo di tlhaloganya lephata la dithoro la bogwebi gore di kgone go tshwaela mo dipuisanong le ditlhamo tsa pholisi.
<fn>PulaImvula. Conservation(maize).2010-11-08.tn.txt</fn>
Tshomarelo ya mmu wa rona - re ka dira eng?
Kgogolego ya mmu wa temothuo o o botlhokwa thata mo Aforikaborwa e ka rwesiwa botlhokakitso jwa batho le tiriso e e botlhaswa ya lefatshe. Go botlhokwa thata gore bantshakuno ba ithute go le gogolo ka kgogolego le taolo ya morwalela le go amogela maikarabelo a go ineela mo tirisong ya mekgwatiriso ya tshomarelo e e tlaa sireletsang lefatshe.
"Fa losika lwa motho lo ka se ke lwa tlhama le go pateletsa ditsela tsa go dira ka lefatshe, tse di ka bolokang motswedi o wa botshelo, re tlaa tlhoka go bonela pele - le e bile, e bonala e le kgakala thata , fela e bonala sentle, nako eo losika lwa rona, lo lo tlaa bong lo sentse boswa jo botona, lo tla nyelelang mo lefatsheng ka ntlha ya tshenyego e lo tlaa bong lo e fitlheletse," go rialo moporofesara NS Shaler wa Harward Yunibesithi, 1896.
Mafoko ao a kwadilwe ka 1896; gompieno ga re ka ke ra tlhola re ganela bothata jo. Dalai Lama o lemoga le go amogela kgogolego ya mmu jaaka tlalelo e e tshosang fela e e sa ntseng e tla re nanabelela ka setu.
"Matshosetsi a ditlhabano tsa ntwa mmogo le kgono ya motho go nyeletsa tikologo di boifisa e le ruri. Fela gape go sa ntse go na le diphetogo tse dingwe tse di sa lemogesegeng. Ke gopola fela ka go felelela ga metswedi ya rona ya tlhago, mme bogolo segolo ya kgogolego ya mmu mme e bile tsona di kotsi go feta, ka gore fa re setse re utlwa manokonoko a ditlamorago tsa teng go tlaa bo go setse go le thari." Tsebe ya Bukana ya ga Dalai Lama ya Kagiso ya ka fa teng: 2002, Element Books, London.
Kgogolego ya mmu ke tirego ya tlholego, fela bothata ke gore gantsi ditiro tsa setho di bebofatsa go senyega ka lebelo go gaisa ka moo go neng go tlaa diragala ka tlholego. Fa mmu o gogolega go tswa tshimong nngwe le nngwe kgotsa mo polaseng, o tsamaya ka dikotla, menontsha, dibolayasenyi le dibodi tsa botlhokwa. Ga go ka moo bantshakuno ba ka kgonang go letla e ka nna tatlhegelo ya seikonomi kgotsa dikutlwalo tse di maswe tsa tikologo tsa go letla mmu go gogolega kgotsa go fokiwa ke phefo.
Dithuto di supa gore tatlhegelo ya mmu ka ngwaga mo Aforikaborwa e tsamaela ditono di le dimilione tse 300 - 400, e e balelang go ka nna ditono tse tharo ka heketara. Boleng jwa dikotla le menontsha tsa mmu tse di gogolelwang kwa lewatleng ke dinoka tsa Aforikaborwa ka ngwaga bo lekana le dimilione tsa diranta tse di se nang selekanyo. Go ya ka tono nngwe le nngwe e e ntshiwang ya temothuo jaaka mmidi, korong, mabele le sukiri, Aforikaborwa o latlhegelwa ke palogare ya ditono tse 20 tsa mmu. Mokgatlho wa Dijo le Temothuo wa USA, o fopholetsa gore tatlhegelo ya lefatshe ka bophara ya lefatshe la ntshokuno, e e tlang ka kgogolego le diheketara di le dimilione tse tlhano go ya supa ngwaga le ngwaga. (Enviro Facts, Yunibesithi ya Kapabophirima).
Aforikaborwa ke naga ya sekakgwatata. Metsi a phepa (foreše) ke motswedithuso wa tlhago o o tlhaelang thata. Go nna teng ga metsi jaanong jaana le mo isagweng go ikaegile thata ka tlelaemete, tiriso le tsamaiso ya metsi e le kuno e e tlhaelang setlhogo, go botlhokwa thata gore bantshakuno ba dirise mekgwatiriso e e gaisang go a somarela ka fa go ka kgonegang ka teng. Pula e e bokete mo mokgokoloseng ofe kana ofe e baka mangope (manga a a boteng mo boalogodimong jwa lefatshe la polase) a o le ona a bakang kgogolego ya mmu le kelelo tse di boitshegang.
Temo ya dikonturu e dirwa ka kakaretso mo masimong a a mo mokgokoloseng moo go jalwang dijwalo ngwaga le ngwaga. Ke mokgwa oo montshakuno a dirang mekoto le diforo ka nako ya tshugommu le jalo, go fetola tshelokelelo ya merwalela gore e kgokologe ka tlhamalalo le mokgokolosa mme ka fa go kgonegang ka teng go leka go kgabaganya mokgokolosa. Mekgwatiriso ya go lema ka dikonturu e thibela merwalela ya metsi e e bogale gonne diforo tsotlhe di tlaa tsamaya go kgabaganya mokgokolosa mme diforo di tlaa bo di gogoropega go tsamaya le lefatshe. Mela ya dikonturu e thusa go laola le go nyafatsa lebelo la metsi morago ga pula mme mmu o newa tšhono ya go monyela tlamelo ya metsi e e botlhokwa.
Go oketsa nwelelo ya metsi.
Mekgwatiriso ya tshomarelo menngwe e ja madi a mantsi fela thobo e e oketsegileng, ka ntlha ya tiriso ya dikonturu tse di somarelang mmugodimo o o botlhokwa le metsi, e tlaa solegelwa go fokotsa ditatlhegelo tsa pakakhutshwane e ka nna bonnye mo dingwageng tse pedi kgotsa tse tharo. Dithuto di supile gore tirisodikonturu e ka oketsa thobo tharo. Dithuto di supile gore tirisodikonturu e ka oketsa thobo ka 5 - 10% mme ditshenyegelo tsa lookwane le metšhine di a fokotsega, fa go tshwantshanngwa le masimo a a lemiwang go tlhatloga le go fologa le mokgokolosa.
Mekwatiriso ya temo ya dinkonturu e rotloediwa ke baitseanape ba tshomarelo yam mu jaaka mongwe wa mekgwa ya go rarabolola bothata jo bo golang jwa kgogolego. Bogolo jwa mmu o o latlhegileng bo ikaegile ka lenaeno la tshugommu la la latelwang ke montshakuno. Dipholo tse di gaisang di fitlheletswe foo go dirisitsweng mekgwa ya go sa lemeng gotlhelele mme ebile go lekantswe tatlhegelo ya mmu e e nnye thata le diphesente tse di kwa tlase tsa merwalela ya metsi. Ka tsela ya go sa lemeng mmu ga o tshwenngwe mme peo ya sejwalo se sentšhwa e jwalwa mo kobelong le diriteng tse di tlogetsweng ke dijalo tsa pele.
Go itlhalosa sengtle gore mekgwa e e dirisitsweng e tshwanetse ya bo e tlhametse go tshwanela sentle tshimo e e rileng mo polaseng nngwe le nngwe mme leano la tshomarelo le tshwanetse le dumelane le maitlhomo a montshakuno ka sebele. Mekgwatiriso ya tshomarelo jaka go lema ka dikonturu e letla tloso e e babalesegileng ya lefetiso la metsi a a welang mo tshimong kgotsa e tlhagisa tshireletso kgatlhanong le diphefo tse di ka senyang. Fela le gale, leano la tshomarelo le le siameng le tshwanetse gape le tsenyeletse tiriso e e botlhale ya menontsha (e ka nna ya bogwebi kgotsa motshetelo wa lesaka), tshwaro e e tlhokomelesegileng ya dibolayasenyi, tokafatso ya bonno jwa diphologolo tse di tlhaga jwa tlhago le tlamelesego ya ditsopotla. Tshomarelo e tlaa sireletsa tshimo le go tokafatsa motheo wa ntshokuno wa bona. Gape e oketsa boleng jwa lefatshe.
Go totobetse gore go batlega selekany sengwe sa boitseanape tota le bokgoni jwa boenjenere jwa temothuo mo thulaganyong le tlhomong ya motheo ya dokonturu.
Gore ke eng se se tlaa dirang molelwane magareng ga dikonturu, sekao, mebotwana, diforo kgotsa motšhetšhedima wa mafulo a bojang.
Re tlhoka go golagana le dithulaganyo tsa kemonokeng tsa rona go tswa mmusong, Lefapha la Temothuo le balemisi ba ba tlhokang go thusa bantshakuno ka kitso le bokgoni ka tlhokomelo ya lefatshe.
Jaaka bantshakuno re tshwanetse go amogela seabe sa rona jaaka babaledi ba lefatshe le metswedithuso ya botlhokwa ya naga ya rona. Re tlhoka go akanya gore re tsaya eng mo mmung le tshwaetso e se se nang le yona mo metswedithusong ya tlhago. Mongwe wa bantshakuno ba ba kwa godimo ba rona go tswa kgaolong ya Rustenburg, Karabo Pele o tsibogetse tshwaelo e e dirilweng ka go nna Lesego la gagwe go kgona go ntsha thobo ya sonobolomo e e kwa godimo kwa ntle ga ditsenngwateng tsa menontsha mo mmung wa seloko se sentsho o o humileng o o fitlhetsweng foo. "Fa o ntsha sengwe mo mmung ngwaga le ngwaga, go sa kgathalege gore se siame go le kana kang mme fa o sa busetse sepe teng, o a se kgaritlha mme e ka nna wena kgotsa kokomana ya isagwe o tlaa lemoga gore lefatshe ga le tlhole le kgona go naya se le kileng la bo le se naya."
Masimo a jalodijalo a a seemo se se kwa godimo a latlhegelwa ke mmugodimo o o botlhokwa mme dipoelokgonego go tswa masimo a o di wela tlase mme lwa bofelo montshakuno o kgaratlhela go bona poelo e e siameng go tswa masimong ao. Kgogolego le tatlhegelo ya mononommu di tlhola loso lwa mmu! Ga se tlholego mme ke Motho yo o dirang sekaka. Tshomarelo ya mmu le metswedithuso ya metsi ya rona e masisi thata mo kgonong ya seikonomi ya rona le phalolo ya batho!
<fn>PulaImvula. Constitution(maize).2011-02-08.tn.txt</fn>
Dimametlelelo tse di akanngwang mo molaotheong (kemedi mo ditlhopheng tsa tiro, Khuduthamaga le Khonkerese ka bantshakuno ba ba tlhabologang) di tlaa tlhagisiwa kwa Khonkereseng ya Mopitlwe, 2011.
Ditlhophathutano (bantshakuno ba e seng ba bogwebi) di tlaa tlhopha baemedi ba Setlhopha sa Tiro sa Tlhabololo ya Molemirui, mme e seng ka Khonkerese.
250 Ton Club (bantshakuno ba bantsho ba bogwebi) ba tlaa tlhopha baemedi go ya Khonkereseng koo ditokololo tsa bantsho tsa Khuduthamaga di le nne di tlaa supiwang go tswa mo go bona.
Maitlhomo a go tlhopha ditokololo tsa 250 Ton Club go ya Khonkereseng le go tlhopa ditokololo tsa Khuduthamaga go tswa mo go bona, go tlaa netefatsa gore bantshakuno ba dithoro ba bantsho ba tsenela Khonkerese le go dira mo Khuduthamageng mme e seng batho ba e seng bantshakunothoro ba motheo. Dintlhatlhaolo (qualification) tsa go dira mo Setlhopheng sa Tiro, Khonkerese le Khuduthamaga di tlaa tswelela go nna tsa ntshokuno ya dithoro.
Go tlhaolegela botokololo - dikatlanegiso tsa ditlaleletso tse dintšhwa mo molaotheong.
Go tlaa tlhophiwa baemedi ba le babedi ba setlhophathutano go ya ka kgaolotirelo ya ofisi ya kgaolo mo dipitsong tsa kgaolo tsa ngwaga le ngwaga tse di tshwarwang pele ga Khonkerese, go dira mo setlhopheng sa tiro sa tlhabololo ya balemirui. Pakatiro ya baemedi ba Setlhophathutano mo Setlhopheng sa Tiro ba tlaa tlhopihiwa ngwaga o le mongwe, mme batho ba ba ka tlhopiwa gape go dira mo pakeng e e latelang morago ga paka ya ngwaga.
Khuduthamaga e arogantse kgaolo ya ntshothoro mo Repaboleking ka dikgaolo tsa botlhaba le bophirima, ka N1 bokone/borwa go nna molelwane mo gareng ga dikgaolo tse pedi tse, mme se se amogetswe mo Khonkerenseng. Fela fa e le gore karoganyo ya kgaolo e ka mametlelelwa ke Khonkerese gangwe le gape, ka katlanegiso ya Khuduthamaga, e le go netefatsa gore karoganyo ya kgaolo e diragatsa ka fa go ka kgonegang go ya ka go direla dikgatlhego tsa bantshakuno ba dithoro ba ba tlhabologang, bosetšhaba.
Ditlhophathutano di tlhamiwa ka mo gare ga kgaolo ya botlhaba le bophirima jaaka go tlhagisiwa mo athikeleng 7.7. Setlhophathutano sengwe le sengwe se se jalo se na le bonnye ditokololo di le lesome (10) tsa Setlhophathutano, tse di ntshang dithoro mo kgaolong e e amegang. Tokololo ya Setlhophathutano e tlaa nna tokololo ya setlhophathutano se le sosi fela.
Go ya ka Athikele 25.3 mabapi le baemedi go tswa bantshakunong ba dithoro ba bantsho ba bogwebi go ya Khonkereseng, go tlaa abiwa kemedi ya batho ba le masometharopedi (32). Baemedi ba ga ba ne ba tsewa go ya ka ntshokuno tsa bona. 250 Ton Club e tlaa tlhopha ngwaga le ngwaga baemedi ba le masometharopedi (32) go ya Khonkereseng, mo kopanong ya ngwaga le ngwaga pele ga Khonkerese. Baemedi ba le lesomethataro (16) ba tlaa tlhopiwa go tswa kgaolong ya tirelo ya botlhaba le baemedi ba le lesomethataro (16) go tswa kgaolong ya tirelo ya bophirima (jaaka go umakiwa mo athikeleng 7.7). Baemedi ba ba supilweng go ya Khonkereseng ba tshwanetse go kgotsofatsa dintlhatlhaolo tsa botokololo jaaka go totobadiwa mo athikeleng 5.1.4.
Athikele 11.3 Baemedi ba le bane (4) bao mongwe le mongwe a emelang dikgatlhego tsa bantshakunothoro ba bogwebi ba bantsho le ditlhophathutano mo dikgaolong tsa tirelo tsa botlhaba le bophirima (jaaka go umakiwa mo athikeleng ya 7.7). Ditokololo di le pedi (2) tsa botlhaba le ditokololo di le pedi (2) tsa kgaolo ya tirelo ya bophirima di tlaa supiwa mo Khonkereseng ke baemedi ba dikgaolotirelo tse di amegang tse mme ke bona ba tlaa tlhophiwang ka tsela ya boutu le balote. Tokololo e le nngwe (1) ya kgaolotirelo ya botlhaba le tokololo e le nngwe (1) ya kgaolo ya bophirima e tlaa tlhopiwa ngwaga le ngwaga. Ditokololo tse nne (4) tse tsa Khuduthamaga, di tlaa dira mo setlhopheng sa tiro sa tlhabololo ya balemirui jaaka ex officio.
13.3 Mo lobakeng lwa ditokololo tse di umakilweng mo athikele 11.2 le 11.3 go ya ka maipolelo a a kwadilweng a tsona, di tlaa amogela karolo e tona ya lotseno lwa temothuo lwa tsona go tswa mo ntshokunong le thekisong ya dithoro.
Ela tlhoko: Ka jalo go atlanegisiwa gore tlhokego e e mo 13.3, e tlaa ama bantshakuno ba bogwebi le bantshakuno ba bogwebi ba bantsho mo Khuduthamageng boobedi ka go tshwana. Dipeelo tsa dintlhatlhaolo tsa ditokololo tsa Khuduthamaga tse di setseng di tlaa tlogelwa di ntse jalo.
5.1.4.3 Tlatsang maikaelelo a Grain SA, di tlaa tlhaolegela botokololo jwa Grain SA.
Botokololo bo tlaa bonwa ka tsela e e tlhalositsweng mo Melawaneng. Baemedi ba 250 Ton Club kwa Khonkereseng ba tlaa nna le tshwanelo ya go bouta.
5.2 Tokololo e e umakilweng mo athikele 5.1.1, 5.1.2, 5.1.3 le 5.1.4, e tlaa nna le botokololo jwa Grain SA mo botokololong jwa setlhopha se le sengwe fela jaaka go umakiwa mo athikele 5.1.
<fn>PulaImvula. ConsumptionMaize.2009-09.tn.txt</fn>
Tiriso ya metsi - nosetso e e ama jang?
Methamo ya tiriso le tlhokego ya metsi ka magoro e tlamelwa ke Lefapha la Merero ya Metsi le Dikgwa. Dipalopalo tsa ngwaga wa 2000 tsa badirisi ba metsi ba bagolo ba ba latelang, mo Aforikaborwa, di bontshiwa fa tlase. Tiriso ya metsi e tlhagisiwa ka dimilione tsa dikhubikimitara ka ngwaga.
Go bonala sentle gore nosetso ya temothuo e batla halofo ya ditlamelwana tsa metsi tse di gona. Ka koketsego ya palobatho e e fetang batho ba le dimilione tse 47, go itshupa sentle fa legoro le le tlaa nna mo kgatelelong e e oketsegileg go dirisa metsi ka tshomarelo go ya ka molao le mabaka a ntshodikuno fela. Go fopholediwa gore ditlamelo tsa metsi mo Aforikaborwa di tsweleditswe go fitlhelela kwa kgonong e e feletseng ya tsona le gore tsweletso nngwe go ya pele e tlaa nna tlhotlhwa kgolo go gaisa.
Gajaana bokana ka diheketara di le dimilione tse 1,3 tsa lefatshe la temothuo mo Aforikaborwa di mo nosetsong, fa tse di ka nnang 233 600 di na le kgonego ya tsweletso ya nosetso. Go fopholediwa gore ka ntlha ya tlhaelo ya metsi, ke fela 178 000 ya diheketara tse e ka tlhabololwang mo isagweng. Ntshodikuno ya mmidi ya ditono tse di ka nnang 660 000 mo diheketareng tse 110 000 tsa masimo a nosetso, e dira 10% ya dijalo tsa bosetšhaba tsotlhe tse di jalwang ka nosetso.
<fn>PulaImvula. ContractingMaize.2008-10.tn.txt</fn>
Montshadikuno yo o go dirisang jaaka rakonteraka o na le ditsholofelo dingwe ka tiro e e tshwanetseng go dirwa. Wena, jaaka rakonteraka o na le maikarabelo mo montshadikunong yoo, yo kwa bofelong o tshelang ka kgwebo ya gagwe.
Go botlhokwa thata go itse gore tshugommu yotlhe e totisitswe go baakanyetsa tshimo jalo ya dimela.
Fa maemo a popego a mmu e le a leng gore go ka se ke ga dirwa tiro e e duleng mabogo go mo go rakonteraka go bolelela montshadikuno se go na le go dira tiro e e bokoa a bo a solofela tuelo. Paakanyo ya mmu e e bokoa e tlaa jela montshadikuno madi a mantsi le go tlhoka go mo netefaletsa dijalo tse di latelang. Fa montshadikuno a ka se ke a dira poelo mo temojalong, gona rakonteraka o feletswe ke tiro.
Tshugommu ya motheo e latela thobo ya dijalo tse di fetileng. Mo dikgaolong tsa pula ya selemo kwa go tlaa jalwang dijalo tsa mariga (sk. korong), go ya fela ka kgaolo ya temo, go gakololwa gore tiro ya tshugommu ya ntlha e dirwe fela ka bonako morago ga thobo ya dijalo tsa korong tse di fetileng fa go kgonegang. Mokgwatiriso o o netefatsa gore pula ya selemo ya gale fa e na e tsenelela mo mmung go sale gale ka fa tšhono e letlang ka teng.
Morago ga thobo ya dijalo tsa selemo di sena go rojwa (sk. mmidi), lebelo le le tlhokegang ke la go bereka masimo pele dipula tsa dikgakologo di simologa, e le go netefatsa gore pula e kgona go tsenelela boteng mo mmung go thusa mo setlheng sa jalo se se latelang. Mo sejalong sengwe le sengwe se se kgethegileng mo kgaolong e e farologaneng nngwe le nngwe, go na le nako e e maleba po! ya go jala. Go jala ka nako e e tshwanetseng go botlhokwa thata mo katlegong ya sejalo. Tshugommu e e tlang pele ga jalo e tshwanetse go dirwa ka tsela e e leng gore masimo a siametse jalo ka nako e e rulagantsweng.
Rakonteraka yo o siameng o tlhaloganya mokgwatiriso o o gaisang mo kgaolong e e rileng mme gape ke maikarabelo a rakonteraka go sedimosetsa montshadikuno fa go setse go le thari thata, kgotsa fa maemo a sa siamela go dira ditiro tse di farologaneng. Ga go mo dikgatlhegong tsa ga ope go jala sejalo go setse go le thari thata ka gore mathata a a farologaneng (sk. serame kgotsa komelelo fa se tsala) a ya go dira gore go kgonagale gore montshadikuno a se ke a dira poelo. Rakonteraka yo o tswelelang go jala morago ga letlhaphelelo la jalo, o senya kgwebo ya montshadikuno gammogo le ya gagwe.
Ga go kgonege go tlhoma dikemo tsa tiro nngwe le nngwe mo kgaolong nngwe le nngwe. Ditiro tse di tlhokegang di tshwanetse go dumelanwa ke montshadikuno le rakonteraka pele tiro e ka dirwa. Sekao: fa montshadikuno a tlhoka gore rakonteraka a leme palo ya diheketara e e rileng boteng jo bo rileng, se se tshwanetse go tlhaloganngwa ka botlalo ke matlhakore oomabedi mme go nne botoka fa e tsentswe le mo konterakeng - sekao e ka nna 30 ha ka boteng jwa 300 mm.
Jalo ya konteraka e tlaa nna le dikemo tse di kgethegileng. Montshadikuno o tlaa tlhoka palopalo ya dimela e e rileng ka heketara gammogo le tshelo ya palo ya dikhilogerama tse di rileng tsa monontsha ka heketara. Go botlhokwa segolo bogolo gore rakonteraka a netefatse gore dikemo tse di a fitlhelelwa - katlego ya sejalo e ikaegile bogolosegolo ka nepo mo jalong. Ka jalo rakonteraka o tshwanetse a itlamele ka tsotlhe gore a netefatse gore o tlaa fitlhelela dikemo tse di batlegang.
Ka kgatsho ya konteraka le gona go botlhokwa thata gore dipalelo di diriwe ka nepo - selekanyo sa botlhole se se nepagetseng ka heketara le gape selekanyo sa metsi se se nepagetseng ka heketara.
Kgonotota ya metšhine ya gagwe go ya ka ha.
Ka kakaretso, borakonteraka ba itlwaeditse go batla go ikimetsa ka tiro go na le ka fa ba ka kgonang go dira ka teng mo tekanyetsonakong e e tshwanetseng le ka kemo e e tlhokegang. Se ke ka ntlha ya gore mo go rakonteraka go dira tiro e ntsi mo go ene go raya go dira lotseno lo lontsi. Go na le kotsi mo go se, ka gore fa modirelwa (e bong montshadikuno) a sa kgotsofala, ga a kitla a dirisa rakonteraka yoo mo isagweng.
Go na le ditlwaelo tse di amogetsweng ka kakaretso tse di ka dirisiwang mo palelong ya gore ke diheketara tse kae tse terekere, ka sediriso se se rileng, e ka di dirang mo letsatsing le le lengwe (Lenaneo 1).
Peotshenyegelo ya ditiro e na le go nna matswakabele ka gore go na le mefuta e mebedi ya ditshenyegelo e e tshwanelang go akarediwa mo palelong. Go tswanetse go rekwe metšhine (ditshenyegelo tsa kapetlele) mme gape e tshwanetse go tsamaisiwa le go tlamelwa.
Terekere le karolwana nngwe le nngwe ya sediriso di na le pakatshelo e e solofetsweng go ya fela ka dikemo tse di tlwaelegileng tsa tlamelo le tiriso, mo morago ga foo di tlaa tshwanelwang go tlosiwa go tsenya tse dingwe kgotsa go tsenela paakanyo e kgolo. Mabapi le puisano e, madirelo a na le dikemo dingwe, sekao, botshelo jwa terekere bo lekanyediwa ka dingwaga di le lesomepedi (diura di le 1 000 tsa tiro ka ngwaga mo pakeng ya diura tse 12 000 = dingwaga tse 12). Dikemo tse di tlhomilwe ke modiro wa metšhine gammogo le maitemogelo a pakatshelo mo bodirelong. Fa go balelwa ditshenyegelo tsa kapetlele tsa terekere, tshenyegelo ya tshimologo e arolwa ka dikarolo di le 12 - karolo e le nngwe mo ngwageng nngwe le nngwe ya botshelo jwa terekere.
Go sa ntse gape go tsewa gore mo maitlhomong a palelo madi a a dirisitsweng go reka terekere a ne a adimilwe, ka jalo morokotso mo bokanakang jwa kapetlele le jona bo dira karolo ya palelo ya ditshenyegelo ka heketara.
Palo e e solofetsweng ya malatsi a a se nang pula mo kgweding nngwe le nngwe.
Se se ka nna le tshusumetso e e masisi mo selekanyong sa tiro se se ka dirwang mo kgweding. Go tshwanetse go gakologelwe ka gale gore temo e atlhametse dielemente - tshusumetso e pula e ka e dirang mo tirong ya ga rakonteraka ga e a tshwanela go tlodisiwa matlho. Malatsi a mantsi a a latlhega mo ngwageng ka ntlha ya malatsi a pula e nang, le malatsi a mmu o kgobotlegang go ka berekwa.
Ikopanye le seteišene sa maemo a bosa sa selegae (ARC ya Mmu, Tlelaemete le metsi mo Pretoria mo (012) 310-2500 mme o bue le Derieck Vermaak).
E ke nngwe ya dintlha tsa botlhokwa go gaisa ya bokonteraka. Gakologelwa gore metšhine fa e eme ga e robege - ke fela ka nako ya tiro, le kgatelelo e gola mme metšhine e dira ka bokgoni jotlhe jwa yona dikarolo tse di onetseng di robegang. Ke gona tota go leng botlhokwa thata go dira paakanyo ya thibelo mo metšhineng yotlhe ka dinako tse go sa dirweng.
Fa wena jaaka rakonteraka o dira palelo ya palo ya diheketara tse o tlaa di berekang mo setlheng se se tlang, gakologelwa go dira tlamelo ya malatsi a a tlaa latlhegang ka ntlha ya dithobego.
Mokgwa wa tumelano magareng ga gago le molemi mabapi le tuelo.
Ga go a tlwaelega mo bathong go saena konteraka e e kwadilweng ka ntlha ya gore go na le dintsanantsana tse di nang le seabe - sekao, dithobego le maemo a bosa le ditiro dingwe tsa Modimo. Konteraka e tshwanetse go kwalwa ka tsela e e sa gagamalang gore mabaka a a sa bonelweng pele a, a nne le sebaka - e bile lebaka le la gore e bo e sa gagamadiwa jaana le kgontsha maphata oobedi go ka ikgaola mo tumelanong.
Dikonteraka tsa mofuta o e ka nna tumelano ya molomo, kgotsa maipofo a maikaelelo. Maphata oobedi a dumelana gore tiro nngwe e tlaa dirwa ka tlhotlhwa nngwe.
Nngwe ya dikgaolo tse di tlholang kgotlhang magareng ga montshadikuno le rakonteraka ke tlhomamiso ya bogolo jwa tshimo.
Bogolo jwa masimo bo tlhoka go tlhomamisiwa ka nepo gore go fedisiwe mathata a a nnang teng. Tiriso ya GPS e dirile tlhomamiso ya bogolo jwa tshimo bonolo thata mme a nepagatse tota. Fela le gale ga se batho botlhe ba ba fitlhelelang thekenoloji e. Go na le ditsela tse dintsi tsa go tlhomamisa bogolo jwa masimo ka go dirisa dipalelo tsa kgaolo tsa motheo.
Rre JP le Roux wa Pretoria o dirile thuto ka ga ditshenyegelo tsa metšhine e bile o kwadile kaedi e e atologileng le e e lotaneng ka tirisometšhine. Kaedi e e tsewa e le motheo o o utlwalang thata o go ka tseelwang ditshwetso tsa peotshenyegelo mo go ona. Rre Koos le Roux o ka fitlhelwa mo (012) 998 2803 kgotsa 082 838 9531 kgotsa imeile koosleroux@absamail.co.za.
Go tlaa elwa tlhoko gore o akaretsa ditshenyegelo tsa tlhamalalo le tse e seng tsa tlhamalalo mo dipalelong tsa gagwe, fela ga a akaretse ditshenyegelo tsa badiri le tuelo ya rakonteraka, gammogo le thwalo ya didiriso go ya lefelong le lešwa - moalopoelo o tlaa tshwanela go tlalelediwa mo dipalong tse di khoutilweng, go tlhakanya le bodiredi le go tlhakanya le tshenyegelo ya thwalo magareng ga mafelo a bokonteraka.
<fn>PulaImvula. Crop(maize).2011-04-07.tn.txt</fn>
Komiti ya Bosetšhaba ya Ditekanyetso tsa Dijalo e na le go tlamela ka dipalo mo dikgatong tse di farologaneng mo nakong ya ditlhakgolo tsa dijalo tse di nayang tekanyetso ya dijalo mo masimong mo kgatong eo. Ditekanyetso tse tsa dijalo di na le seabe sa botlhokwa mo kakanyetsong ya tlhomo ya tlhotlhwa ya sejalo seo.
Ditekanyetso tsa dijalo ke eng?
Grain SA e tlhaloganya gore ditekanyetso tsa dijalo ke ntlha e e manganga thata. Go tshwanetse go akanngwe thata ka seabe le tiro ya Komiti ya Bosetšhaba ya Ditekanyetso tsa Dijalo pele go tshikinngwa diphetogo tse di ka nnang le kamego e e maswe go ya pele mo bantshakunong.
Go tshwanetse go gakologelwe gore Komiti ya Bosetšhaba ya Ditekanyetso tsa Dijalo e dira ditekanyetso mo dijalong tsotlhelele mme e seng fela tse di neelwang mo mmarakeng wa kgwebo. Gape go sa ntse go sa kgonege go tlhomamisa kgaolo ya boalogodimo jo bo jetsweng gammogo le thobo e e ka bonwang - e sala go nna tekanyetso. Boleng jwa tekanyetso bo ka siama fela jaaka bao ba nang le seabe mo tlamelong ya tshedimosetso. Motswedi o mogolo wa tshedimosetso e sala go nna bantshakuno.
Komiti ya Bosetšhaba ya Ditekanyetso tsa Dijalo ke mang?
Bokana ka bantshakuno ba le 3 000 ba ba dirisanang le go romela tshedimosetso ya bona kwa komiting kgwedi le kgwedi.
Ditheo tse di itsegeng ka Spatial Intel and Geottera Image ba ka tlhomamisang kgaolo e e jetsweng dijalo ka go dirisa tshwantshiso ya sathalaete.
Setheo sa ARC sa dijalothoro gammogo le Setheo sa Small Grains ba ba dirang ka deitha ya dipalopalo le boakaretsi ka tirisano le bantshakuno.
Baemedi ba Lefapha la Temothuo la Porofense ba ba neelang tshedimosetso ya seemo mo dikgaolong tsa ntshokuno.
Dikgwebo tsa Temothuo tse di dirang ditekanyetso tsa dijalo tsa tsona mo dikgaolong tsa bona. Tshedimosetso e e newa Komiti ya Ditekanyetso tsa Dijalo fela dikgaolo tsa ditekanyetso tse di jetsweng ga di dirisiwe mo ditekanyetso.
Bokaedi jwa Dipalopalo tsa Temothuo jwa Lefapha la Temothuo la Bosetšhaba jo bo kgobokanyang tshedimosetso, bo suga deitha le go dira ditekanyetso tsa semmuso.
A fa Komiti ya Ditekanyetso tsa Dijalo e ka emisa go dira ditekanyetso, a ga go ne go dirwa tekanyetso ya dijalo ya bosetšhaba Karabo ya se ke nnyaya gonne mekgatlho e mengwe e tlaa di dira mme jaanong ga go ne go tlhapa gore ke ditekanyetso tsa ga mang tse di nepagetseng?
A komiti ya Ditekanyetso ya Dijalo e ineetse ka boyona kgotsa e laolwa ka botsotsi ke bannaleseabe mo madirelong Go bokete thata mo mothong ka sebele go laola ka botsotsi komiti ya Ditekanyetso ya Dijalo ka gore ba na le bannaleseabe ba ba ikemetseng ba botlhe ba tshwaelang mo nepagalong ya tshedimosetso?
Kakanyo ya Grain SA ke eng?
Ditekanyetso tsa dijalo tse di ikemetseng tse di nepagetseng di botlhokwa thata mo tiragatsong e e nepagetseng ya mebaraka ya dithoro.
Bantshakuno, Komiti ya Bosetšhaba ya Ditekanyetso tsa Dijalo le bannaleseabe ba bangwe ba tshwanetse go dira mmogo go atlega mo go se.
Ditokololo tsa Grain SA le bantshakuno le bannaleseabe ba bangwe ba tshwanetse go rotloediwa go neela tshedimosetso e e nepagetseng gangwe le gape le ka tlhomamo.
<fn>PulaImvula. CropMaize.2009-04.tn.txt</fn>
Inšorense ya dijalo - tsamaiso ya mathata mo temothuong.
Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa Kaeding ya Ntshodikuno le Thekiso ya mmidi tse di tsweletseng ya Grain SA.
Aforikaborwa ke naga eo 90% ya lefatshe la rona le kaegang e le kgwatata kgotsa sekakgwatata. Temothuo e direlwa mo pontsheng, kwa ntle fela fa go nang le kgonagalo ya nosetso, ntshodikuno e ikaegile ka maemo a bosa - pula, letsatsi, serame, segagane, sefako le diphefo. Go botlhokwa thata gore montshadikuno mongwe le mongwe a tsee tsia tlelaemete le mathata a mangwe mo ntshodikunong ya tiragatso.
Temothuo ke kgwebo mme kgwebo e ka phologa fela fa mo pakateleleng e ka dira dipoelo, ngwaga le ngwaga, go aga dipolokelo tsa kgwebo. Poelo ga e tlhomamisiwe mme tshwetso go beeletsa mo kgwebong ya temothuo e thaetswe mo tshekatsheko botennye ya mathata a ntshodikuno otlhe a a amegang..
Mathata a ntshodikuno a a tshwanetseng go akanngwa.
Tebo ya kgono ya ntshodikuno ya metswedithuso.
Fokotsa mabaka a tiragalo e e bosula. Lebaka la dipholo tse di maswe le ka fokodiwa ka go tlhopha mefutapeo e e fetang bongwe, dijalo tse di fetang bongwe, go anamisa ntshodikuno ka dikgaolo tsa lefatshe le go tlhoma tlhotlhwa ya sejalo.
Go ithola bothata ka go tsaya inšorense le go konterakela kwa pele.
dipholo tse di maswe di ka tlhagelela.
Kgopolotheo ya inšorense jaaka sethusi sa kabelanomathata ke kamogelo ya diporimiamo tse di tshwanetseng go tswa palong e tona ya badirelwa, se se kgontshang setlamo sa inšorense go kopanya mathata. Setlamo sa inšorense se tlaa dirisa tshedimosetso go ya ka tlhagelelo le bokete jwa ditleleime go tlhoma diporimiamo ka selekanyo se se tlaa se kgontshang go duela ditleleime go tswa mo palogotlheng ya diporimiamo tse di duetsweng mme go sa ntse go sala sengwe go duela ditshenyegelo tsa tsamaiso le go bona poelo. Ka bokhutshwane setlamo sa inšorense se tsaya diporimiamo go tswa badirelweng botlhe, tse di se kgontshang go duelela ditshenyegelo tse di diragalang mo kgaolong e e rileng.
Fela le gale, inšorense gantsi e ratwa ke bantshadikuno ba mathata a a boitshegang le fela mo mathateng a a masisi go utlwala go batla go duelelwa porimiamo e e lekanang le, kgotsa e e fetang go bonala, tatlhegelo e e ka nnang teng kwa ntle ga inšorense. Mathata a mannye a a ka rwalwang bonolo gantsi ga a tseelwe inšorense, fa e le gore mathata a magolo, a a ka nnang matshosetsi mo go tsweleleng go nna teng ga polase kgotsa botswelelo jwa beng, ona gantsi a a inšoriwa. Metseletsele ya dikuno tse di lotaneng e gona go sireletsa mathata le matlhotlhapelo a a farologaneng a a itemogelwang mo temothuong ka bophara.
Ditatlhegelo tse di bonwang ka ntlha ya tshenyego e e bonalang le ya popego ka tlhamalalo ya dikarolo tsa semela kgotsa semela sotlhe. Ditatlhegelo tse di sireleditsweng di akaretsa ditlhaka/diako tse di digelwang fa fatshe, dintlha tsa kgolo tsa semela tse di nyeleditsweng, matlhare a a nyeleditsweng ka go dirwa makgasa kgotsa ka go kgaolwa ka bontlhabongwe kgotsa gotlhelele. Le tshenyo ya sefako mo ditlhakeng kgotsa dikutu tse di gobaditsweng, robilweng kgotsa kgaotsweng. Inšorense ya sefako e botlhokwa thata ka kgethego mo ntshodikunong ya korong gammogo le disonobolomo fa di sa le dinnye.
Tshenyo e e tshwanang le tshenyo ya sefako, jaaka ditlhaka/diako tse di tserweng ke phefo le matlhare le dikutu tse di robilweng, e a sirelediwa. Fela jaaka mo tshekatshekong ya tshenyo kgotsa nyeletso e e bonwang ya popego ke bothata jwa phefo mo dikarolong tsa semela kgotsa sotlhe.
Go sirelediwa tshenyo mo dikunong fa di rorwa, morago ga thobo go tswa masimong a a inšorilweng kgatlhanong le molelo, thulano le menogo ya serori. Tshireletso le gale e lekanyeditswe go radiase ya dikhilometara di le 100 go tswa mo polaseng e dikuno di ntshitsweng mo go yona.
Go sirelediwa fela dijalo dingwe tse di jaaka korong le diterebe, kgatlhanong le tatlhegeloseemo ya thobo ka ntlha ya pula e ntsi ka nako ya kgato ya go butswa ga dijalo tse.
Go sirelediwa kgatlhanong le tshenyo mo dijalong dingwe ka ntlha ya molelo o o sa laolesegeng. Mosirelediwa o tshwanetse a bo a latetse melawana ya bosetšhaba malebana le go dirwa ga ditsela tsa molelo go amogela tshireletso e.
Ditatlhegelo tse di bonwang ka ntlha ya serame, go akaretsa tulafatso e e bokoa ya diseteimene, megwang, ditlhaka le matlhare di bolailwe ke serame, di a akarediwa. Kutlwalo e e tlhagelelang mo thobong ya dijalo e sekasekiwa ka tlhatlhobo e bonwang ka matlho ya dibopego tsa semela. Tshenyo e e sa bonweng ka matlho, jaaka go huba go go dirilwewng ke botsididi, ga e akarediwe.
Ditlhopha tsa mathata a ka gale a sa bonaleng le go kgobokanngwa a kopanngwa ka fa tlase ga tshireletso e. Mathata a a sirelediwang a akaretsa komelelo, kwa ntle ga dijo tse di nosediwang, disenyi tsa ditshenekegi tse di sa laolesegeng, sefako, phefo, serame, j.j. Ka mafoko a mangwe ka mofuta o wa tshireletso, montshadikuno o sireleditswe kgatlhanong le dielemente tsa tlhago tse di sa laolesegeng.
Ke ka bona thuso kae?
Bontsi jwa dibanka tsa kgwebo le dikgwebo tsa temothuo ke babapaletsi (agents) ba diinšorense tsa dijalo - bona kgakololo mo mothong yo o itseng gore o ka mo tshepa. NETEFATSA GORE O BUISA MOKWALO O MOSESANE MO KONTERAKENG GORE KGANTELE O SE ITSHWARE MOLOMO WA TLASE.
<fn>PulaImvula. Cultivation(maize).2011-09-27.tn.txt</fn>
Pula ya dimilimitara tse 600 go ya 2 000 e ne ya amogelwa mo dikgaolong tsa ntshokuno ya mmidi ya selemo mme ke dinako dingwe go bonwe dipula tsa 50 mm go ya 75 mm ka letsatsi ka dithubagano tsa maru. Boima jo bo boitshegang jo jwa metsi ka heketara mo pakeng e khutshwane bo ka tlhola porofaele ya mmu e e katisegetseng le e e tletseng petometsi.
Kamego ya tlaleletso e e tlang ka dikhombaene, diterekere le ditereilara tse dikgolokgolo le motlhala wa dithaere ka nako ya thobo, mo maemong a petometsi a mmu a a itemogetsweng monongwaga, a tlaa bo a katisetse mmu go feta ka fa go tlwaelegileng ka teng.
Metlhape ya dikgomo e e tshetsweng mo masimong a mmidi go fula masalela a dijwalo le yona e tlaa bo e katisetse mmu mo maemong a a kgobotlegang kgotsa mmu o o nang le petometsi. Mo makgating a a maswe thata a masimo a a nang le petometsi go roba fela pelenyana ga kgotsa ka nako ya jwalo e ka tswa e le yona tsela fela ya go kgona go jwala dijwalo tsa gago ka nako.
Mariga a a neng a le tsididi thata le pula mo dikgaolong dingwe a ka tswa a tshwaetse mo go phapalleng ka bonya ga maemo a petometsi a mmu. Go tlaaa nna botlhale go sekaseka diporofaele tsa mmu wa masimo a a yang go jwalwa mmidi le go dirisa didiriso tsa dithaene tse di tshwanetseng go tlhanyaolola porofaele ya mmu fela fa tlase ga llaga e e katisegetseng. Tiragalo e, e tlaa tsenya moa mo mmung. Dibaketheria tsa mmu le ditshetsana tsa mmu di tshela fela ka matlhagatlhaga mo maemong a a nang le mowa mo bogodimong jwa 150 mm go ya 180 mm jwa mmu.
Lereo la "serobiki" le tlhalosa go nna teng ga mowa, go akaretsa okosijene, naeterojene le digase tsa khabonedaekosaete mo mmung o o tlhanyaolotsweng le dipakagareng tsa metsi. Kgato ya tiro ya dithaene e masisi thata gore dibaketheria di tsosolosiwe go ka suga masalela a dijwalo tse di fetileng pele ga jwalo ya dijwalo tse dintšhwa. Tirego e ya sebaketheria e tlaa simologa fela fa dithemphereitsha tsa mmu di simolola go thuthafala go tswa mo bekeng ya bofelo ya Phatwe, go tsena ka Lwetse go fitlha Diphalane.
Go atlanegisiwa thata gore tiragalo ya go thaena kgotsa go repa e diragale fela ka bonako morago ga mebu e sena go fitlhelela mothamo wa bongola jwa masimo. Tiragatso e e ka dirwang go feta, mothamo wa masimo e tlaa tlhola bogolo katisegelo e e oketsegileng go na le e e fokotsegileng. Montshakuno o tlaa tshwanela go nyalantsha didiriso le tiragatso ya gagwe e e rileng fa e le go latelwa taolo ya pharakano kgotsa mekgwatiriso ya tlhagolo ya tshugommu e potlana.
Tlamelo ya dipolantere le nyalantsho ya didiriso tse di tlhokegang tse di sa wediwang di tshwanetse go dirwa go sale gale mo go Diphalane.
<fn>PulaImvula. Demand.2007-11.tn.txt</fn>
Mo Aforika, ditihabololo tsa baeyofuele tsa lefatshe di tlhola ditshono go thsa dithotloetso tse di gaisang tsa tlhabololo ya ikonomi. Mo isagweng bagwebi ba ka mekamekana le ditiro tsa seikonomi mme ka go dira jalo ba kgontsha batho go godisa maemo a bone a botshelo mo tsamaong ya nako.
Fa dinaga tsa hemisefere ya bokone di tlhagafetse ka tlhagiso ta baeyofuele, di tshwanetse go tsepamisa megopolo ya tsona mo tlhabololong ya ditshono tse mo hemise fereng ya borwa. Go ya pele, go solofetswe go dipattego tsa lefatshe tsa dithoro le dipeo tsa oli di tlaa imena gabedi mo dingwageng tse 20 - 30 tse di latelang.
Gore go kgonwe go tlamela ka dijo tsa le leokwane (fuel) mo isagweng, wiopa e tlhoka go akanya thata ka kgonego ya tlhago ya kgaolo ya Sub-Sahara ya Aforika. Bogone jwa metsweditth ago bo tlaa kgontsha dinaga tsa Aforika go ntsha dijo tsa loruo ka ditshenyegelo tse di kwa tlase ka yunite. Meso e ya ditshenyegelo e kgontshiwa ke maemo a tlelaemete le mmu a a gaisang, bogolo segolo mo dinageng di tshwana le Angola, Mosambiki le Zambia. Dikgopolotheu tsa mmaraka o o gololesegileng, le fa go ntse jalo, di tshwanetse go tlotliwa ke dinaga tsa Sub-Sahara, fa di ngoka dipeeletso, sekai, ka go tlotla dikgopolotheo di tshwana le ditshwanelo tsa thuothoto.
Gore ditiro tsa ikonomi di olvure ka maemo a a kwa godimo le go kaela metswedi kwa tousogodinong mo ikonoming, re tlhoka go kgona go bapatsa metswedi mo bomosoleng jo bo kwa godimo jwa ikonomi. Ke gona fela ye tlaa bong re ka kgona go tlhagisa dikgono tse di tlhokegang mo ikonoming ya dikgaolo tsa Sub-Sahara. Aforikaborwa ke naga e e eteletseng pele mo Sub-Sahara ya Aforika koo dikgopobetheo tsa mm araka o o goldoisegileng di tlotlwang gona. Sub-Sahara ya Aforika e tllueka Aforikabonwa go bontsha lefatshe lotlhe gore re kgona go tshegetsa tikologo e e nitameng le e e botsalano ya bobeeletsi e e ka rotloetsang tlhabololo ya ikonomi. Fa Aforikaborwa a ka palelwa ke go netefaletsei dinaga tsa hemisefere ya bokone ka bokgoni jwa rona go tlhabolola mafeiratlhatlha gammogo le dithotloetso tse di tshwanetseng go tswa mo metsweding ya rona, re tlaa paledisa dinaga tse dingwe tsa Sub-Sahara go ikapela ditlhabololo tsa baeyofuele tsa gajaana ka bokgoni jo bo feletseng.
Mo Aforika, ditlhabololo tsa baeyofuele tsa lefatshe di tlhagisa ditshono go thusa dithotloetso tse di gaisang tsa tlhabololo ya ikonomi. Mo isagweng bagwebi ba ka mekamekana le ditiro tse tsa seikonomi mme ka go dira jalo ba kgontsha batho go godisa maemo a bona tsa botshelo mo tsamaong ya nako. Fa e ne e nna fela go ananya mo papatsong ka dijo, kgotsa go ntsha dÿo go iphepa, e bile gape e le go nna le lotsenotlaleletso go ithekela dilwana tsa maemo.
Ga re aa tshwanela go letla tshono e e boitshegang e ya tihabololo go re tswa diatleng Aforikaborwa o rele maikarabelo a tlhabololo ya Aforika yotlhe. Go ema tlhabololo ya madirelo a baeyofuele nokeng mo Aforikaborwa, go tlaa tsholetsa tshireletsego ya dijo. Bantshadikuno ba Aforikaborwa ba na le bokgono jo bo tsweletseng le bokgono jwa ntshodikuno e e feteletseng, fela ba tlhaela mmaraka wa dikuno tsa bona. Thabololo ya madirelo a baeyofuele a ka tshegetsa tlhabololo ya mmaraka wa dithoto o mogolo. Mo tiregong e re tlaa bo re ntse re aga boidüdi jwa boitseanape jo bo tlhokegang sekana go ka romela ntle kwa Aforika yotithe. Ditshenyegelo tsa go tlhoma maditelo di tsweletse go gola ka lefatshe lotlhe, ka jalo tlhokego ya go tlhagisa tikologo e e akaretsang dithotloetso tse di tshwanetseng tsa diporojeke tsa tlhabololo tsa baeyofuele di setse di le gona. Ka tshwanelo setshaba sa rona se tlhoka ponelopele e e tlhapileng ya go tswelela pele le go thuśa dithotloetso tse di tshwanetseng?
Kwa USA, dithotloetso tse dikgolo tsa ditlhabolole tsa baeyofuele di ne kwa tshimologong e le mathata a mo polaseng (lefetiso la ntshodikuno) le kemisetso ya MTBE ka baeyofuele jaaka okosejeneite. Se se motloetsang ditthoibolele tsa baeyofuelo mo Aforikaborwa le eng A le teng ke ditlhobaele tse di amanang le tikologo kgotsa tshono ya go tsweletsa dükonomi tsa rona tsa kwa magaeng Go ya ka mabaka a ditshenyegelo tsa dÿo tse di tlhatlogang re mo tiregong ya go nna basupi ba phetogo ya sebopego ya lefatshe ka bophara e e pa tshwanelwang, ka phose, go tsewa jaaka enfoleisenepoitshego. Ka ka phoso, go tsewa jaaka enfoleisenepoitshego. Ka bomadimabe se se tla ka nako eo ka yona togamaano ya baeyofuelo ya rona e nona e tlhokang go tsweledisiwa go tswa kwa pusong, fa re le gaufi fela le ditthopho, Ka ntlha ya se re itemogela ketsaetsego mo badiramaikemesetsong ka go tswelela pele go a ka ditlhabololo tsa baeyofuele mo Sub-Sahara ya Aforika. Go Botlhokwa le gale go nna le tebo ya pakatele ka mathata mabapi le ditlhabololo tse mme e seng go tlhotlhelediwa ke dikgamiyana tse di lwang di le kgatlhanong mo pakakhutshwaneng fela?
Grain SA e bona tlhabololo ya baeyofuele jaaka tshono mo pusong go tlhagisa tlelaemete e e botsalano mo babeeletsing mme morago e boele foele morago mme e letle tikologo ya mmaraka o o gololesegileng go tlhabolola madiselo a ka kgololosego, kwa ntle ga ditlhabololo tse di emang pele tse di sa tlhokegeng ka go dira dilaesense, melawana le dipeelomelelwane mo thusong ya dÿo tsa loruo.
Go ya ka tlhabololo ya dimela re tshwanetse go ela tlhoko gore tshono e ga e gobelelele sukire jaaka yona dÿo tsa loruo e le yosi kgotsa gona gore mabaka a mo Aforikaborwa a tshwantshanngwe le a dinaga tse dingwe tsa hemisefere ya borwa kwa ntle ga tlhaolo. Palo e kgolo ya mebaraka e e kgonegang ya baeyoethanolo e gaufi le dikgaslo tsa ntshodikuno tsa mmidi le mabele kwa dikaroiong tsa bokone tsa naga ya rona, gammogo le mo kgaolong ya pula ya mariga koo dijalo tse di jaaka korong ya leemo le le kwa tlasc, "teitieale" le yona bali tota, di tlaa kgonang go tshegetsa tlhabololo ya dibaeyofuele ka ntshodikuno ya dijo phepo tsa tota.
Ka bokhutshwane, gore o kgone go thiba phatlha ya tlamelo ya patlego ya kifophepo re tlhoka dithotloetso ka poelonyana e e utlwalang. Fa e ka letlelelwa go tswelela ka kgololesego mo dilekanyetsong tsa tikologo, re dumela gore moeletlamelo mo ntshodikunong ya dibaeyofuele o tlaa tlhotlhola ntshodikuno ya temothuo tota, mme ka go diya jalo, o fedise phokotsego e e tswelelang mo ntshodikunong ya dithoro le dipeo tsa oli. Boammaarui, re tlaa tlhola ditshono tsa tlhabololo ya temothuo tse di tlaa tswelang baagi ba rona ba magae mosola.
Lefatshe le tshwanetse go lemoga gore Aforikaborwa o ka kgona go tshegetsa ditlhabololo tsa dibaeyofuele mo Sub-Sahara ya Aforika, e seng fela ka go tshegetsa maikemisetso a ASGISA a Rona, mme gape le NEPAD mo dipatlong ya isagwe e e botoka ya dikokomana tse di tlang.
<fn>PulaImvula. Difference(maize).2011-02-08.tn.txt</fn>
Mmidi o mosweu le o mohibidu - pharologano ke eng?
Mmidi o mosweu o tshwana fela le o mohibidu go ya ka sebaeloji le moloko (genetical), le mororo go na le pharologano mo ponong ka ntlha ya go se nne teng ga ditaki tsa oli ya kherothine mo tlhakeng eo e ka tsela nngwe e tlholang mmala o mohibidu mo thorong. Maemo a ntshokuno le mekgwa ya temo a batla a tshwana gotlhelele.
Mmidi o mosweu ke kuno e e tsewang ke lefatshe le le tlhabologileng e le maemo a a kwa tlase. Go fa sekao, kwa United States, e e leng yona montshakuno wa mmidi o mogolo mo lefatsheng, temo ya mmidi o mosweu e arabela fela kwa tlase ga phesente e le nngwe ya ntsho ya mmidi ya selegae yotlhelele, bogolosegolo o ntshiwa go ya ka temo ya konteraka ka ntlha ya mmaraka o o lekanyeditsweng thata.
Go fitlha fa gautshwane jaana, go ne go na le botlhalenyana jwa tlwaelo jwa gore mmidi o mohibidu o siametse fela diphologolo (loruo) mme e seng go jewa ke batho. Se e ntse sona ntlhatshwaelo mo mefuteng ya dithulaganyo tse di tlhageletseng tsa ntshokuno le thekiso ya mmidi. Mmidi o mohibidu le bupi jwa ona di ne di tsewa di se na le patlego e nnye ya go jewa ke batho kgotsa e e se yong gotlhelele mme ka tlwaelo ga di botlhofo go di bona. Tlhokafalo ya mmidi o mohibidu le bupi jwa teng e sa ntse e tlhatlositse ditshenyegelo tsa dijo tsa badirisi, gonne mo mebarakeng ya lefatshe, mmidi o mohibidu o tlhotlhwa tlase go na le mmidi o mosweu. Mmaraka wa mmidi o mohibidu wa lefatshe o mogolo thata le go tlhomama go na le mmaraka wa mmidi o mosweu, se se o dirang motswedi wa tlamelo o o ikanyegang thata, bogolosegolo mo dipakeng tsa leuba.
A o kile wa leka go ja bupi jwa mmidi o mohibidu Go a kgatlhisa go bona gore ka kakaretso re kgatlhanong le tiriso ya mmidi o mohibidu. Go kgatlhisa go lemoga gore gajaana mo Aforikaborwa re ntsha mmidi o mosweu o montsi, le o monnye o mohibidu - gongwe re tshwanela go bulela mmidi o mohibidu ditlhaloganyo tsa rona le gore fa re ka tlhaelelwa ke mmidi o mosweu, re ka ja mmidi o mohibidu?
<fn>PulaImvula. Economy(maize).2011-09-27.tn.txt</fn>
Grabber: A montshakuno ka gale o lema fela a bo a sa jwale A o kakadiwa mmu go ya go ile mme a bo a sa o jwale A kwa bofelong ga a jwale mehuta ya dithoro e mentsi ya gagwe, mongwe le mongwe mo karolong ya ona ya tshimo O itse sentle se a tshwanetseng go se dira gonne Modimo o mo dirile gore a bone le go tlhaloganya Morena Mothatiyotlhe ke morutabana yo o gakgamatsang mme o abela montshakuno botlhale. Jesaya 25 ditemana 23 - 29?
Temothuo ke yona tiroboitshediso ya ntlhantlha mo lefatsheng mme e ne e le taelo go tswa Modimong. E botlhokwa thata mo botshelong. Ka jalo go botlhokwa thata jaaka bantshakuno go leba tiro ya rona jaaka tiro e e tlhokegang le ya botlhokwa.
Ga re a tshwanela fela go tsepamisa mogopolo mo go direng madi le go oketseng ntshokuno, mme bogolo re tsepamise megopolo mo go ntsheng dijwalo le dijo tse di boleng, tse di tlaa tlamelang ka kotlo ya botshelo le pholo tse ba bangwe ba di batlang.
Bantshakuno ba tshwaela jang mo ikonoming?
Ba dira tshwaelo e e botlhokwa mo ikonoming le tekanyetsokabo ya bosetšhaba.
Bantshakuno mmogo ke mothapi yo mogolo mo nageng ya rona e e nang le dilekanyo tse di kwa godimo jaana tsa botlhokatiro.
Bantshakuno ba jwala dijo tsa boleng jo bo kwa godimo le tse di itekanetseng le go tshwaela mo tshireletsegong ya dijo ya bosetšhaba.
Bantshakuno mo nageng ba dira dipeeletso tse di bonalang mo merafeng ya selegae ya bona mme ba tlhokega thata mo matlhagatlhageng a seikonomi a ditoropo tsa bona le setšhaba.
Jaaka balebeledi ba lefatshe, bantshakuno ba dira ka natla go sireletsa mmu, mowa, mowametsi le bopharologanyotlholego go netefatsa gore mmu o tlaa tswelela go ntshetsa meloko e e tlang dijo.
Montshakuno o na le bokgoni jwa go itlamela, o ntsha dikuno, o ikemetse, o bonatla, o na le mowa wa bomorafe le go nna le maikarabelo. Montshakuno o dira mmidi, sonobolomo le sukiri go tswa kgalalelong ya letsatsi!
Ka bomadimabe bantshakuno, jaaka dikgwebo tse dingwe tsotlhe, ba na le mathata ka kwelotlase ya ikonomi e e akabatsang.
Ka ditshenyegelo tsa tiragatso tse di tsweletseng go oketsega, le ditlhotlhwa tse di welang tlase tsa dikuno tsa bona tsa temothuo tsa jaanong, bantshakuno le baruakgomo ba le bantsi ba tlaa fitlhela go le bokete kgotsa go sa kgonege go samagana le dituelo tsa gale tse di rulagantsweng tsa dikadimo tsa polase.
Go sa le jalo, go nna teng ga tseisomolato e e kgonegalang ya pakatelele ga go a tsepama, se se tsenyang matshosetsi a mangwe a magolo mo ditaragatsong tsa kgwebo dingwe le dingwe tsa montshakuno.
Boammaaruri jo bo se nang bana ba phefo ke gore bantshakuno ba patelesega go ikaega ka dikadimo go tswelela pele go duelela peo le furu le ditswenngwateng tse dingwe tse di tlhokegang go tsenya dilo mo mmung le go tlhoga.
Fela ka ntlha ya go sa tlhomamang ga ditlhotlhwa tsa mebaraka tsa dikuno tsa bona le matshosetsi go tswa matlhotlhapelo a a amang le maemo a loapi, tshireletsego ya peeletso ele ya tshimologo ga e a netefalediwa. Baadimisamadi ba tlwaelo ba simolotse go nna le kelotlhoko thata le go gana go adimisana ka madi ka ntlha ya se!
Kwa bofelong re tshwanetse go tswelela go ikuela mo pusong ya gajaana go thusa bantshakuno ka thulaganyo e e utlwalang, e e tlamegileng le go sireletsega ya dikadimo tsa ntshokuno.
Ditlhotlhwa tsa mebaraka tse di sa tsepamang tsa dithoto tsa dijwalo le ditshenyegelo tsa ntshokuno tse di tlhatlogang, go akaretsa montshapeo, furu le ditsenngwateng tse dingwe tsa mo polaseng, di tlaa tswelela go tsenya bantshakuno mo kgatelelong ya maemo a a makgwakgwa a sematlole gonne ba na le taolo e nnye thata mo tlamelong le patlegong ya kuno ya bona. Fa ditlhotlhwa tsa mebaraka tsa dikuno tsa bantshakuno di wa, ga se gantsi di fetelela kwa ditlhotlhweng tsa dijo mo dišelofong tsa mabentlele - se se tsosa ditshwenyego tsa gore bareki ba dithoro le bangwe, ba bona poelo kgatlhanong le bantshakuno le badirisi.
Maaforikaborwa a tlaa amega jang?
Fa bantshakuno ba latlhegelwa ke kgwebo ya bona le magae a bona, e bile le bantshakuno ba bantšhwa ba sa kgone go tsena mo madirelong, se se tlaa ama Maaforikaborwa. Bantshakuno ke mokwatla wa setšhaba le kgato ya ntlha kwa tlase mo llereng ya ikonomi. Fa dipolase di wa, dikgwebo tse dikgolo tsa mo mebileng di a wa. Se se gananang le sona ke boammaaruri - fa dipolase di tswelela pele dikgwebo tse dikgolo tsa mo mebileng le merafe ya selegae e tswelela pele.
Bantshakuno ba tlhola khumo ya mmatota, ba ntsha boleng jwa nnete, go tlhoga go tswa mo peong le lesedi la letsatsi le kuno e e re otlang, sebopegommele le seikonomi. Go ema temothuo ya selapa e e aroganeng le go ya ka dikgaolo nokeng, go a tlhokega, mo nitamisong le maatlafatsong ya naga ya rona. Fa re ka latlhegelwa le ke montshakuno a le mongwe fela, kgotsa godisa bokete ba bantshakuno ba bantšhwa kgotsa simololang,.
<fn>PulaImvula. EducationMaize.2009-07.tn.txt</fn>
Bangwe ba bantshadikuno ba ba atlegileng thata ba rutegile go le gonnye thata - fela ba na le maitemogelo a mantsi thata e bile ba rata se ba se dirang. Temothuo ke botshelo jwa bona.
Temothuo ke botsweretshi, e bile ke bonetetshi, le tsela ya botshelo. Temothuo e dira ka tumelo - ga se gantsi o kgonang go e laola ka gonne temothuo e direlwa kwa nageng ka boutlwelobotlhoko jwa bosa.
Bonetetshi jwa temothuo bo tlhaologile thata le go nna matswakabele - go itsiwe go le gontsi ka ntlha e nnye ya temothuo. Se o tlhokang go se dira ke go bona thuso le kgakololo mo bathong ba ba rutegileng thata - o montshadikuno yo o diragatsang. Sekao, go dira tshekatsheko ya sekaommu go batla botegeniki. Ga o tlhoke go dira tshekatsheko ka bowena - se o tlhokang go se dira ke go tsaya dikao gangwe le gape, bona tshekatsheko mme o tsee kgakololo ya monetetshi yo o ka mo ikanyang, Jaanong o ka dirisa lenaneo la nontsho le le atlanegsitsweng le go tlhokomela dijalo tsa gago. Tsweetswee netefatsa gore o bona kgakololo mme o diragatse kgakololo eo - le gale leitlho le maikarabelo a gago di tlaa dira gore dijalo tsa gago di atlege.
Dirisa tšhono nngwe le nngwe e o ka e bonang go bona katiso mo bathong ba ba nang le kitso le maitemogelo a temothuo. O ka se ke wa ba wa ithuta temothuo mo bukeng, ka jalo tlhomamisa gore o katisiwa ke mongwe yo o itseng serutwa se. Fa o kwala porofaele ya gago, tsenyeletsa tshedimosetso e e mo mananeong a a fa tlase, fela se tshwenyege thata ka dithutego tsa gago tsa sekolo - se ga se sona sa go tshega le go tlhonama sa ditšhono tsa gago go bona katlego.
<fn>PulaImvula. EstablishingMaize.2009-05.tn.txt</fn>
Fela fa o simolola ka temothuo, o mo kgwebong mme o tshwanelwa ke go nna le potofolio ya botshelo jwa gago. Golo gongwe o tlaa batla go bona setheo sa matlole go batla thuso mme ba tlaa batla tshedimosetso e ntsi thata ka wena le kgwebo ya gago.
Fa tlase go na le mananeo (tables) a tshedimosetso a le mmalwa a o tshwanetseng go nna le ona a feletse (mmogo le khopi ya bukanaitshupo ya gago gammogo le ya mosadi wa gago).
Tshedimosetso e e botlhokwa. Ka gale tlhalosa ka botlalo gore wena, montshadikuno, o tsaletswe kae, o goletse kae, le gore o nnile jang le kgatlhego le go amega mo temothuong.
Tshedimosetso e e botlhokwa mo dikhosong tse o tlaa di tsenelang gore o tle o newe khoso ka puo e o tlaa e tlhaloganyang.
Gakologelwa gore temothuo e tlhoka tlhokomelo ya gago letsatsi le letsatsi. Fa o tlhoafetse ka temothuo ya gago o tlhoka gore o be o le mo polaseng ya gago letsatsi lengwe le lengwe. Ga twe: "leitlho la mong le nontsha kgomo" e bile "monontsha o o gaisang ke motlhala wa montshadikuno mo masimong". Temothuo e dira ka dilo tse di tshelang mme di tlhoka tlhokomelo ka dinako tsotlhe.
A o nna mo polaseng?
<fn>PulaImvula. FactorsMaize.2009-01.tn.txt</fn>
Dipatlisiso ka Lenaneotlhabololo la Balemirui di supile le go ribolola dintlha tse di farologaneng tse di thatafaletsang bantshadikuno ba babotlana go tsenelela mo ntshodikunong ya mmidi ya kgwebo.
Diterekere le ditlamelwana tse di dirisiwang ke bantshadikuno ba ba tlhabologang ba bantsi di mo maemong a a bokoa thata e bile ga ba mo maemong a ditšhelete go ka tokafatsa seemo - seelo sa dipoelo mo ntshodikunong ya dithoro se kwa tlase ka jalo go seelo se sennye kgotsa ga se yo gotlhelele go ka letla bantshadikuno ba ba tlhabologang go fosa sepe.
Bontsi jwa bantshadikuno bo itemogela mathata ka ditlamelwana tsa segompieno - sekao, Lefapha la Temothuo la Mpumalanga le abetse ditlhopha dingwe tsa bantshadikuno diterekere tsa ditlamelwana tsa segompieno tse ba sa kgoneng go di dirisa kgotsa go di khaliboreita.
Bantshadikuno ba bantsi ba tlhaela ka ditlamelwana tse di tlhokegang jaaka sekgatshi sa "boom" mo go rayang gore ga ba ka ke ba dira taolo ya mofero le disenyi ka dikhemikale. Ga go na ditheo tse di ikemetseng go tlamela ditlamelwana tsa temothuo tse dikgologolo ka matlole, mme ditlamelwana tse dintšhwa di tura mo go maswe moo bontsi jwa bantshadikuno ba ka se kgoneng go di reka.
Dikelomorokotso tsa gajaana di kwa godimo mme fa ditshenyegelo tse di tlhakanngwa le ditshenyegelo tsa ntshodikuno tse di setseng di le kwa godimo, ntshodikuno ya dithoro ga e ne e tlhola e nna le dipoelo mo dikgaolong tse dintsi.
Go na le bantshadikuno ba bantsi ba ba abetsweng lefatshe ka tsela ya kabosešwa le le sa tshwanelang ntshodikuno ya dijalo. Mo makgating a mantsi lefatshe le abetswe Terasete e e dirwang ke bajaboswa le diterasethii (go le gantsinyana go feta batho ba le 30). Kwa tshimologong go ne go tsewa gore mongwe le mongwe o tlaa amega mo polaseng, fela fa nako e ntse e tsamaya, go lemosegile fa mathata a oketsegile jaanong go setse bajaboswa ba se kae mo polaseng go dira tiro, fela maemo a bona ga a sireletsega.
Bothata jo bongwe jo tota bo batlang tlhokomelo ke jwa ditheo tsa semolao tse di bokoa le/kgotsa thulaganyo ya tsamaiso e e bokoa e e tlhageletseng ka ntlha ya kabosešwa ya lefatshe. Mo mabakeng a mantsi, lefatshe le ne le abetswe Terasete e e dirilweng ke bajaboswa le diterasetii (gantsi batho ba ba fetang 30). Kwa tshimologong go ne go ithewa gotwe mongwe le mongwe o tlaa nna le seabe mo polaseng, fela fa nako e ntse e ya, e godile go nna bothata mme jaanong go setse.
Phitlhelelo ya ditlhagisakuno (molato wa ntshodikuno) ke bothata jo bogolo jwa bantshadikuno ba bantsi mme go tota go le molemo go bona ditharabololo, sekao, porojeke ya tekelelo e re e tlhomileng kwa Foreisetata le Lefapha le Temothuo mmogo le OVK go ema nokeng bantshadikuno bangwe ba ba supilweng - OVK e dueletse kwa pele molato wa ntshodikuno otlhe go bantshadikuno gore ba tle ba kgone go tsenya dijalo mo mmung ka nako e e nepagetseng, mme Lefapha la Temothuo le duetse 50% ya ketleetso ya ditlhagisakuno go busetsa OVK sesuga gore madi ao a tsenngwe mo ditshupatlotlong tsa bantshadikuno ba. Tekelelo e e dirile sentle thata mme mongwe le mongwe o kgonne go duela kadimo ya gagwe le go dira poelo, mme fa re ne re leka go atolosa porojeke jaaka go dumelanwe, Lefapha la bo le re ga le na tekanyetsokabo ya porojeke e.
Fa bantshadikuno ba atlegile mo kopong ya kadimo ya bona, ditheo tsa matlole di ngomaela go ba adima a dipaakanyo le tlamelo tsa metšhine - kwa ntle ga ditlamelo tse di ka dirang sentle ga ba kitla ba nna bantshadikuno ba bagwebi.
Mo kgaolong ya Bronkhorspruit, le fa gautshwane mo kgaolong ya Lichtenburg, AFGRI e lemela bantshadikuno ba ba tlhabologang - ba dirisa borakonteraka ba bagolo ba basweu ba ba dirang temothuo, mme kwa bokhutlong jwa setlha, bantshadikuno ba bona seabe sa se se setseng (AFGRI e tsaya ditshenyegelo tsa ditlhagisakuno le 50% ya dipoelo).
Bantshadikuno ga ba ithute go lema ka go se na kabelano ya bokgoni.
Bantshadikuno ba ba lekang go nna le seabe ga ba boelwe ke sepe - go bonala e kete masimo otlhe a lengwa mmogo mme bantshadikuno ba bona kabelo ya go lekana go ya ka diakere e seng go ya ka thobo e e bonweng mo semikaneng sa tshimo ya gagwe.
Fa go dira poelo ga mokgwatiriso o go wela tlase, go dumelwa gore AFGRI e tlaa emisa go lema, mme jaanong bantshadikuno ba tlaa bo ba le mo maemong a a maswe le go sa kgoneng go lema ka bobona ba le bosi.
Ditlhotlhwa tse di kwa godimo tsa monontsha di raya gore bantshadikuno ga ba dirise dilekanyo tse di atlanegisitsweng - se se baka thobo e e kwa tlase gammogo le tshwagafalo ya mmu.
Ba Terasete ya Mmidi ba tlhomile thulaganyo ya kemonokeng e ntle thata ya go duelela go tshela llaeme, tshugommu ya motheo, botataisi le inšorense ya ditlhagisakuno. Kemonokeng e le gale, e tlhagisiwa fela ka dikgwebo tsa temothuo. Go na le mabaka a mantsi mo montshadikuno a seng tokololo ya kgwebo ya temothuo epe, kgotsa a sa kgone go fitlhelela kadimo go tswa kgwebong ya temothuo, kgotsa mo makgating a mangwe, koo go se nang kgwebo ya temothuo (jaaka kwa Kapabotlhaba) - se se raya gore montshadikuno ga a kgone go dirisa kemonokeng e ya Terasete ya Mmidi.
Ditirelo tsa bolemisi tsa mafapha a temothuo ga di diragatse go ya ka seemo se se tlhokegang - batlhankedi ga ba a nonofa mo kitsong e bile mo makgating a mantsi ga ba kgatlhegele go ema bantshadikuno nokeng.
Go fitlhelela lefatshe la temo ke bothata mo diporofenseng tse dingwe - bogolosegolo bao go se nang lefatshe la semorafe kwa go bona, jaaka kwa Foreisetata. Lefapha la Merero ya Lefatshe ga le a nonofa - ga ba a ikaelela go duela tlhotlhwa e e batlelwang lefatshe le le nonneng, mme fa ba tshokile ba rekile lefatshe, ga ba tsee matsapa go bona gore bantshadikuno ba nna le ditlamelwana tse di tlhokegang go le dirisa - go nna montshadikuno go tlhoka go feta go nna le lefatshe le le se nang sepe.
<fn>PulaImvula. FactorsMaize.2010-02.tn.txt</fn>
Ka tlhago, boleng jwa lefatshe la temothuo bo ne bo ikaegile ka bontshakuno jwa temothuo jwa lona. Mo dikgaolong tsa magae bantshakuno ba sa ntse ba ikarabela mo dithekong tse dintsi tsa lefatshe la temothuo koo poelo ya tota mo ditirisong tsa temothuo e leng tsona setlhomamisisegolo sa boleng jwa polase.
Dikelomorokotso tse di kwa godimo kgotsa kwa tlase tse di gona ka nako e, le tsona di tlhotlheletsa bantshakuno ka bontsi jwa bantshakuno bo dira ka bontlhanngwe kgotsa gotlhegotlhe ka khepetlele e e adimilweng. Peeletso ya khepetlele mo dibopegong tsa polase le ditokafatso le tsona di na le tlhotlheletso ya botlhokwa mo botennye jwa lefatshe la temothuo.
Ka go dumelana le bantshakuno ba bangwe ka thulaganyo ya karoganothobo.
Poelo ya khepetlele ya pakatelele e e amanang le koketsego ya boleng jwa lefatshe mo nakong e telele.
Dipoelo tse tsa pakatelele gape di ikaegile ka phesente ya dipoelo go tswa tirisong e e mosola e e itemogelang dipoelo tsa seikonomi tse di kwa godimo le tse di kwa tlase mo medikong (cycles) mo nakong e telele. Ka kakaretso boleng jwa lefatshe bo ntse le go oketsega mo tsamaong ya nako mme tlwaelo ya lefatshe lotlhe ke gore lefatshe le le mosola le se fapaanelwe ke beng ba le bantsi. Ka jalo go ketefaletsa ba ba simololang go fitlhelela lefatshe mo pakeng e khutshwane le go le duelela go tswa ntshokunong e e nonofileng. Fela gape maemo a ka farologana fa lefatshe le ka bonwa ka go newa kabo (grant) (LRAD), kgotsa ka kadimo ka dikelomorokotso tse di etleeditsweng (jaaka go le ka sekema se sentšhwa sa Lefapha la Merero ya Mafatshe se se bidiwang Proactive Land Acquisition Scheme (PLAS).
Khiriso ya lefatshe e fetogile, go tswa go tsela ya bantshakuno ba ba simololang go tsena mo temothuong go ya go tsela ya bantshakuno ba ba itshetletseng go fitlhelela lefatshe la tlaleletso le go atolosa kgwebo ya temothuo ya bona. Se se tshwanetse go akanngwa ka tlhoafalo mo lefatsheng la merafe koo go nang le lefatshe le legolo le le sa dirisiweng, le mororo go na le bantshakuno ba ba siameng ba bantsi ba ba tlhokang lefatshe le legolwane go dira temothuo ka poelo. Khiriso e letla bantshakuno go atolosa kgwebo kwa ntle ga molato le tshwariso ya khepetlele e e tsamaelanang le go nna mong.
<fn>PulaImvula. Farmer(maize).2011-07-07.tn.txt</fn>
Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Bantshakuno la Grain SA.
Photo 1: Jane McPherson (molemeng), o ne a itumeletse go etelwa a sa solofela ke Rre Mzabensi Zwane, Mokhuduthamaga wa Temothuo mo Foreisetata le Moh, Nandi Mayathula-Khoza, Mokhuduthamaga wa Temothuo kwa Gauteng, kwa Letsatsing la Thobo la NAMPO. Ba ne gape ba patiwa ke Dr Limakatso Moorosi (mojeng), tlhogo ya Lefapha la Temothuo mo Foreisetata.
Photo 2: Gideon Ralepedi (Senwes), G Motseng, Jane McPherson, B Tshwene (Mokhuduthamaga, Bokonebophirima), N Maloyi (Mmusakgotla), mme mo moleng o o fa pele Japi Fransman (Senwes), C Kanyane le Sello Lesupi, le bone ba etetse serala sa Tlhabololo ya Balemirui kwa Letsatsing la thobo NAMPO.
Moonotlhomo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA ke go tlhagisa bantshakunothoro ba bogwebi ba bantsho ba ba katisitsweng. Go fitlhelela maitlhomo a, go botlhokwa go tsepama mo mothong ka sebele; re tshwanetse go tlhabolola motho.
Tlhabololo ga se ka lefatshe.
Tlhabololo ga se ka metšhine.
Tlhabololo ga se ka mebaraka.
Tlhabololo ga se ka madi.
Tlhabololo ga se ka go direla montshakuno temothuo.
Tirego yotlhe e simolola ka tlhabololo ya motho - dintlha tse dingwe tsotlhe di tlaa latela seo. Tlhabololo ke tirego ga se pharumo.
Tona ya Temothuo ya gajaana Moh Tina Joemat-Pettersson o supile gore o bona go na le tlhokego ya go aroganya bantshakuno ba ditlhopha tse di farologaneng. Ditlhopha tseo di eme jaana: (le mororo re dirile pharologantsho ya rona gonne go se na dipharologantsho tse di dumelanweng tsa ditlhopha tse di farologaneng).
Go ka tswa go ka tlhakanya batho tlhogo fa re re mo Kemong 1, le mo bantshakunong ba heketara e le nngwe go ya tse di lesome ba mo setlhopheng se se tshwanang. Go botlhokwa thata go nna le lenaneo le le tsenyeletsang ka botlalo dikgato tse di ka tlhaolegang - montshakuno mongwe le mongwe yo o tsenang mo lenaneong la rona, o simolola jaaka wa Kemo 1 - bogolo jwa lefatshe la gagwe ga bo botlhokwa. Jaaka motho wa Kemo 1, go na le dikhoso dingwe tse o tshwanelang go di tsenela tse di leng motheo wa temothuo ya bogwebi. Ka bomadimabe go na le bantshakuno ba bangwe ba ba se kitlang ba tswelela go feta montshakuno wa Kemo 1 ka ba ka nna ba se tlhole ba bona lefatshe le le fetang le ba nang le lona kgotsa metšhine ya go dira.
Bantshakuno ba Kemo 2, ba mo setlhopheng se se latelang, mme go na le dikhoso dingwe tse di tshwanetseng go tsenelwa mo kemong e - go tlaleletsa mo tshedimosetsong e e bonweng fa o le mo Kemong 1. Bantshakuno ba ba ka nna ba se ke ba tswelela go feta kemo e, gape e le ka ntlha ya dikgoreletsi tsa matlole, lefatshe kgotsa metšhine tse di sa kgoneng go rarabololwa.
Bantshakuno ba Kemo 3, ke bao ba ba tsweletseng pele go feta dikemo 1 le 2, ba nole katiso le tshedimosetso yotlhe, e ba e neilweng mo dikemong tse pedi tsa ntlha mme ba le mo seemong sa go ntsha go feta ditono tse 250 tsa dithoro ka ngwaga. Montshakuno wa setlabošwane yo o bonang diheketara tse 1 000 ka PLAS (sekao fela) ga tshwanela go batla go simolola tirego mo Kemong 3 - go botlhokwa thata gore montshakuno ofe le ofe a simolole kwa kemong ya ntlha le go aga go tswa foo. Bantshakuno bangwe, kwa bofelong ba tlaa fitlhelela seemo sa bogwebi, fela fa bangwe bao ka ntlha ya mabaka a a farologaneng ba tlaa salang go nna bantshakuno ba mojelaganong kgotsa bantshakunopotlana.
Khoso ya motheo ya Ntshokuno ya Mmidi.
Tlhagiso mo Khosong ya Ntshokuno ya Mmidi.
Tlhagiso mo Khosong ya Ntshokuno ya Sonobolomo.
Tlhagiso mo Khosong ya Ntshokuno ya Mabele.
Tlhagiso mo Khosong ya Ntshokuno ya Korong.
Tlhagiso mo Khosong ya Ntshokuno ya Matonkomane.
Khoso ya Tsamaiso ya Tirisometšhine.
Seemo sa pH le fosefeite ya mmu.
Boteng jwa mmu.
Paakanyommu ya motheo.
Dipalopalo tsa dimela.
Taolo ya mofero le disenyi.
Tshelo ya llaeme.
Jalo le palopalo ya dimela.
Taolo ya mofero le disenyi.
Kgolagano le intaseteri ka bophara.
Phetiso ya tshedimosetso.
Phetiso ya tshedimosetso.
Khoso ya Tlamelo ya Terekere le Didiriso tsa Polase.
Khoso ya Paakanyo ya Enjene ya motheo.
Khoso e e Tsweleletseng ya Ntshokuno ya Mmidi le thekiso.
Khoso e e Tsweleletseng ya Ntshokuno ya Sonobolomo le Thekiso.
Khoso e e Tsweleletseng ya Metswedithuso le Togamaano ya Polase.
Khoso ya Tlhabololo ya Bokgoni.
Khoso ya Tlamelelo ya mo Polaseng le Kemonokeng.
Khoso ya tsamaiso ya tirisometšhine.
Paakanyo le tlamelo ya semotšhine.
Ditlhopho tsa mehutapeo.
Nontsho e e feleletseng.
Tiriso e e feleletseng ya metswedithuso ya tlhago.
Tsamaiso ya Riseke le inšorense.
Thekiso le poloko.
Tsamaisomatlole (dikadimo tsa ntshokuno).
Khaleboreišene ya dipolantere le dikgatshi.
Mekgwatiriso ya Tshugommu.
Tshetelo ya didiriso.
Dikadimo tsa ntshokuno.
Phitlhelelo ya dikabo le kemonokeng ya puso.
Dikemo tse di farologaneng tsa nontsho.
Ditlhopho tsa mehutapeo.
Taolomofero ya sekhemikale (mananeo).
Kgolagano le intaseteri ka bophara.
Phetiso ya tshedimosetso.
Phetiso ya tshedimosetso.
Khoso ya go direla temothuo Poelo.
Khoso ya ntshokuno ya Mmidi ka Nosetso.
Khoso ya Ntshokuno ya Garase ka Nosetso.
Khoso ya Ntshokuno ya Korong ka Nosetso.
Khoso ya Tlamelo mo Diterekereng tsa tiriso e e kwa godimo.
Thekiso ya dithoro.
Mehutahuta le tiriso e e kwa godimo ya metswedithuso.
Dikgwebo tsa temothuo.
Temothuo e e gokaganeng.
Ditlamo tsa tlamelo ya ditsenngwateng.
Dibanka le batlamelakamatlole.
Phuthegelo ya bantshakuno mo mofameng wa temothuo wa bogwebi.
Kgokagano le intaseteri ka bophara.
Phetiso ya tshedimosetso.
Phetiso ya tshedimosetso.
<fn>PulaImvula. Farmer.2008-09.tn.txt</fn>
Byline: E rulagantswe ke A.P.N. du Toit (ARC Grain Crops Institute) S.J. Terrblanche (Yunibesithi ya Pretoria) le J.
Bongwe ke bobedi.
Mo setlhopheng, balemirui ba ithuta ka ga dikakanyo tse dintšhwa.
Balemirui ba ka ithuta go tswa mo go bona mmogo.
Ditlhopha di tlamela ka maatla a therisanoipuelelo.
Nako e gorogile jaanong ya gore balemirui ba ba tlhabologang mo Aforikaborwa ba fokotse go ikaega thata ka ditheo tsa puso tsa semolao le go rwala maikarabelo a isagwe ya bona.
Selotlele sa imatlafatso se mo kgobokanyong ya ditiro tsa balemirui ba selegae. Kgwetlho e e lebaneng balemirui ke go dira ka tlhoafalo go netefatsa tlhomo ya ditlhopha tsa balemirui tse di ikemetseng, e bile tsholobong e le mo mabogong a ditokololo. Ditlhopha tsa balemirui di tlamela ka sebopego sa semokgatlho se se maleba go dira mmogo go ya phetogong kwa seemong sa polase le mo thulaganyong ya temothuo ka kakaretso.
Go itshupile sentle, le gale, gore kgobokanyo ya balemirui go nna ditlhopha tse di nonofileng ke tirego e e tlaa tsayang lobaka lo loleele. Maitlhomo ka dikaelo tse ke go kgothaletsa le go kaetsa baeteledipele mo temothuong go dira ka botlalo bodirammogo mo balemiruing.
Go reng ditlhopha tsa balemirui tsa selegae?
maitemogelo le bokgoni.
Mo setlhopheng balemirui ka sebele ba ka kgona go tsaya ditshwetso tse di botoka. Fa jaaka kitso e ntsi e ntse e phuthelwa mo setlhopheng, dikgonagalo tsa diphoso di ka fokodiwa, "Bongwe ke bobedi".
Mo setlhopheng balemirui ba ithuta go akanya sešwa le go utolola melelwanekgopolo e mešwa. Ditokololo mo setlhopheng di rotloediwa go lebaleba diitlhophelo.
Ditlhopha di tlamela ka kgokaganyo ya ditirelo tse di jaaka ditlhotlhomiso, bolemisi, tlamelo ya ditsenngwateng le thekiso. Batlamelakaditirelo ba rata go dirisa tšhono go rerisana le setlhopha se se rulaganeng sentle le go reka kgotsa go rekisa ka bontsi.
Ditlhopha di thusa go oketsa bontshadikuno kwa seemong sa polase. Se se diragala ka ntlha ya kopanyo ya kitso, bokgoni le maitemogelo gareng ga ditokololo tsa setlhopha.
Ditlhopha di kgontsha balemirui go thatafatsa maatla a therisanoipuelelo a bona. Balemirui mo karolong e e tlhabologang ba tlhoka kodu e e utlwalang. Setlhophathutano se se nonofileng ke mmueledi wa ditokololo ka botsona.
Dipharologantsho tsa setlhophathutano se se nonofileng ke dife?
Boeteledipele jo bo nonofileng - "Baeteledipele ba foo go direla e seng go direlwa".
Ga di fekeediwe ke baeteledipele ba tsona kgotsa mongwe wa ditokololo tsa tsona.
tšhwegatšhwegelo ya go fitlhelela katlego.
dikgatlhego le ditlhokego tse di tshwanang.
magareng ga ditokololo e nna kwa godimo.
gagwe mo setlhophathutanong ke eng.
Di nne le kgono ya sematlole le ditlamelwana tsa tsona ka botsona.
laolwa ke ditokololo ka botsona.
kgotsofalela go nna le seabe mo ditirong tsa setlhopha.
Ditokololo tsotlhe di gakaletse go ithuta e bile di rata go abelana kitso le maitemogelo a tsona.
ditsela tsa go ipatlela ditirelo tse di nonofileng.
le maikaelelo a setlhopha.
Go nang le mowa wa tlhaeletsano o o edileng.
go bua maikutlo a tsona mo tirong gammogo le mo kgatong ya ditlhopha.
Go itshekatsheka gangwe le gape.
itlhatlhoba gore se dirile sentle go le kae le gore nonofo ya sona e ka tokafadiwa jang.
Di tshwaraganeng ka botlalo le dikemo tse di kwa godimo tsa temothuo e e rulaganeng.
Ditlhopha tse di jalo di golagane le mekgatlho e e nang le boemedi jo bo anameng.
tsona. Go kgona go tokafatsa bononofi jwa tsona e tlaa dira diphetogo dife kana dife tse di tlhokegang.
Ditlhopha tse di nayang ditokololo tsa tsona thotloetso.
maikarabelo go direla setlhopha, ditokololo di itse sentle thata gore di tlaa boelwa mo go nneng karolo ya setlhopha.
Ditlhopha di tshwanetse go tlhamiwa go ya ka dibopego tsa semorafe le seloago tse di leng teng. Fa go tlhokega, kgokagano le pusomorafe e botlhokwa. Go tshwanetse go nne le kamogelo ka pusomorafe le mekgatlho e mengwe ya seemo sa selegae ya tlhokego ya tlhamo ya setlhopha.
Ditokololo tsa setlhopha di tshwanetse go tlhophiwa ke balemirui ka bobona.
Ditlhopha di ka simolola ka seemo se e seng sa semolao mme sa golela kwa go nneng sa seemo sa semolao ka mosito wa sona. (Bona molebo wa "Dira pele mme o rulaganye morago"). Molebo o o atlanegisiwa ka gore o a swedietega mme o letla balemirui go gola le tirego ya tlhamo ya setlhopha.
Ditlhopha tse di setseng di le teng di ka rulaganngwa sešwa kgotsa tsa tsosiwa. Fela le gale ditlhopha tse di suleng bogatsu di sikologwe ka fa go kgonegang ka teng.
Foo batho ba iseng ba ithulaganye ka setlhopha, go tlaa tlhokega barulaganyi le barotloetsi ba ditlhopha go simolola le go thusa mo tiregong ya tlhamo ya setlhopha.
Foo barulaganyi/barotloetsi ba seng ditokololo tsa morafe teng, batho ba go ka ikgolaganngwang le bona go tswa mo morafeng, ba ba tshepegang sentle, ba tlaa tlhokega jaaka bannaleseabe go golagana le morafe wa temothuo.
Go direla dilo mo pepeneneng go tswa mo barulaganying le baeteledipeleng go tlhokega thata jaaka setswaki sa botlhokwa mo tlhamong e e atlegileng ya setlhopha.
Ditlhokego le mathata a setlhopha se se kgethegileng sa balemirui a tshwanetse go itsiwe gonne se se tsewa jaaka patlegopele ya thulaganyetso ya isagwe le tlhomo ya maitlhomo.
Molebo wa "Dira pele mme o rulaganye morago".
Molebo o o thusa balemirui go simolola kwa ntle ga go senya nako. Setlhopha se se sa rulaganang se sebotlana se simolola ka go tsepamisa mogolo mo bothateng jo bo kgethegileng mme se dira mmogo go bo rarabolola. Ditokololo tsa setlhopha di nna le boineelo jo bogolo go fitlhelela maikaelelo a setlhopha. Moragonyana mowa wa bosetlhopha o a tia e bile le ditokololo tsa setlhopha di atamelana thata ka tsela ya tlhago. Ka tsela e tlhamo ya ditlhopha e tshwana le ditshedinnye tse di tshelang, tse di golang go tswa ka fa gare.
Ditlhopha di gola ka botsona kwa ntle ga itshunyonko go tswa kwa ntle.
O tlhola mowa wa boeteledipele jo bo siameng mo tirelong ya tlhopho ya tlhago.
Maikaelelo a setlhopha ke ona thotloetsikgolo mme e seng dikeletso tsa boeteledipele ba setlhopha kgotsa mekgatlho e e ka kwa ntle.
Tlhamo ya setlhophathutano se se nonofileng ke dipholo tsa balemirui ba ba rotloetsegileng mo morafeng o o nang le tlhokego e e tshwanang, go dira mmogo go fitlhelela karabelo ya ditlhokego le ditharabololo tsa mathata a bona. Ga go na setlhopha sa balemirui se se ka patelediwang go nna teng, e ka nna go tswa ka fa gare kgotsa go tswa mongweng ka kwa ntle. Tirego ya tlhamo ya setlhopha totatota e tlaa farologana mo seemong se se kgethegileng sengwe le sengwe.
Fa jaaka tlhokego ya tlhamo ya setlhophathutano e tlhagelela mo balemiruing mo morafeng, baeteledipele ba ka simolola ka go biletsa pitso ya pele ga tlhamosetlhopha kwa lefelong le le fa gare. Pitso e tlaa tsenwa ke palonyana ya batho ba botlhokwa, ba ba mafolofolo ka kakanyo ya setlhophathutano, e e tlaa tswelang kgwebo ya bona ya polase mosola. Maitlhomo a pitso e ke go dira tekanyetsoboleng e e feletseng ya seemo sa temothuo sa gajaana. Go ntse go le jalo, ke tšhono ya go tlhomamisa tlhokego ya go tlhama setlhopha le go buisana ka botlalo ka maikaelelo le ditsholofelo tsa ditokololo tse di solofelwang. Ditokololo tse di solofelwang di tlhoka go itse mesola e di tlaa e bonang. Kopano ya pele ya tlhamosetlhopha e tlaa tlamela ka tsela e e matsetseleko go baakanya ditokololo le go ba tlwaelanya. Kopano e e tlaa letla balemirui go netefatsa gore a tota ba batla go ineela mo maitekong a a jaana. Ka yona nako e, go tlaa tlhokega gape go baya dikaelo tsa kakaretso mabapi le maikaelelo a setlhopha.
Kgato e e latelang e tlaa nna go tlhoma letlha la tlhamo ya setlhopha. Go atlanegisiwa gore barulaganyi ba lebe pitso jaaka e e seng ya semolao thata jalo. Ka nako ya pitso ditokololo tse di solofelwang tsa setlhopha tse di tseneng pitso di tshwanetse go swetsa gore ke yone nako e e siameng ya tlhamo ya setlhopha ya semolao. Fa kgopolotheo e siame, gona boeteledipele bo ka tswelela go naya setlhopha sebopego sa setlhopha.
Barulaganyi/batsereganyi ba tlaa dira jaaka baeteledipele ba nakwana ba setlhopha. Balemirui ba ba supilweng jaaka ditokololo tse di solofetsweng ba tlaa lalediwa pitso e.
Tlhopho ya boeteledipele gammogo le pakatiro ya bona mo ofising. Setlhopha se tlhoka modulasetulo wa mofuta mang Motsereganyi wa setlhopha ka boena ga a tshwanela go etelela setlhopha - setlhopha ka bosona se tshwanetse go rwala maikarabelo ao?
Maikaelelo a pakatelele a setlhopha a buisanelwe, a kwalwe sešwa ka tshwanelo. Ditokololo di tlhalose sentle go tlhaloganya maikaelelo ga bona le go tlosa go sa tlhaloganyeng gongwe le gongwe go go ka nnang teng.
Ditokololo di tshwanetse go ka kgona go tlhoma maikaelelo le ditlapele tsa tsona mo dikgweding tse thataro tse di latelang kgotsa ngwaga. Go tlhalosa sentle ditiro le maikarabelo tse di amanang le ditiro tse di farologaneng tse di tlhokegang go fitlhelela maikalelo a. Latelanye ka botlhokwa ditiro le maikaelelo go ya ka botlapele jwa setlhopha.
Go tshwanetse go tsewe tshwetso ka lenaneo la gore go tlaa kopanwa leng, ga kae le kwa kae, go akaretsa ditlhokego tsotlhe tsa ditokololo.
Ka ntlha ya fa tiragalo e ka tsewa jaaka botsalo jwa setlhopha, go tshwanetse go senngwe nako e e lekaneng go netefatsa go nna le boeteledipele jo bo nonofileng le go nna le maikaelelo le maitlhomo a a phepa a a tlhalosegileng sentle.
Tirego ya tlhamo ya setlhopha e tlhoka go tswelediwa kwa pitsong ya tatelelo morago ga pitso ya motheo.
Go konotela maikaelelo le maitlhomo.
Go aga leanotiragatso le letlha le thulaganyo ya nako ya paka e e tshwanetseng.
mabapi le botokololo, dituelo tsa botokololo, tseno ya pitso, boitsholo jwa setlhopha le bannaleseabe.
Mo mabakeng a le mantsi go tlhophiwa komiti ya ditokololo di le tlhano (five) e leng modulasetulo, motlatsamodulasetulo, mokwaledi, motsholamatlotlo le ditokololo tsa tlaleletso di le pedi. Ditlhopha dingwe di rata go supa le motlatsamokwaledi gammogo le botsholamatlotlo go netefatsa taolo e e siameng ya matlole. Ditokololo tse pedi tse tsa botsamaisi, di ka supiwa boemong jwa ditokololo tsa tlaleletso di le pedi, kgotsa tsa tlaleletsa. Go ka nna botlhale gore bong jwa ditokololo tse di supilweng bo emele ka tshiamo dipalopalo tsa banna le basadi mo mokgatlhong. Maitekelo a a botoka ke go nna le borre ba babedi le bomme ba babedi ba ba dirang setlhopha sa komiti, fa tokololo ya botlhano, modulasetulo, e ka nna monna kgotsa mosadi. Komiti e emela ditokololo mo go sengwe le sengwe se e se dirang. Komiti e rwala maikarabelo a maitsholo le tolamo mo setlhopheng, tse di leng botlhokwatlhokwa thata mo phitlhelelong e e atlegileng ya maikaelelo a setlhopha.
Ka kakaretso go ka begwa gore ditlhopha tse dinnye di nonofile sentle. Bogolo jwa setlhopha jo bo amogelesegang bo ikaegile ka tsepamisokgopolo le taolelo ya setlhopha, botshelotota jwa ka fa gare jo bo kgethegileng jwa setlhopha le kgono ya komiti ya nakwana go tsamaisa setlhopha le go tshegetsa boitsholo le tsepamo ya maitlhomo. Go botlhokwa thata go ikgolaganya le boeteledipele jwa setso kgotsa boeteledipele jwa morafe mabapi le ntlha e ya bolemirui mo botshelong jwa morafe. Go kgona go dira ka nonofo mo morafeng, botsamaisi jwa setlhophathutano bo efoge kgotlhang mo dintlheng tse di thailweng mo botlhaoleleng. Ditlhopha dingwe di thibela seno ka go dira taletso e e akaretsang balemirui botlhe ba mo morafeng go tsena letsatsi la balemirui ngwaga le ngwaga.
Ditšhono tsa tshegetso ka matlole.
Dipitso di tshwanetse go tshwarwa gangwe le gape go netefatsa botswelelopele jwa ditiro tsa ditlhopha. Go atlanegisiwa gore kwa tshimologong dipitso di tshwarwe kgwedi le kgwedi. Mo tsamaong ya nako go bonala go le botoka go tshwara pitso morago ga dikgwedi dingwe le dingwe tse pedi, fela legale ditiro tse di ikaegileng ka botso jwa go tsamaya ka ditlha ga temothuo, di tlaa laola alemanaka ya dipitso ya setlhophathutano sengwe le sengwe se se rileng. Dibui, malalediwa le baitseanape ba na le seabe sa botlhokwa mo go tsholeng setlhophathutano se na le kitso le tshedimosetso ya sešweng. Go mo setlhopheng sengwe le sengwe go tlhopha ka kelotlhoko le go laletsa baitseanape ba mo dipitsong tsa tsona. Kgopolotheo e e sa ntse e ama batlamelakaditirelo le batlamela ka ditsenngwateng ba bangwe. Ditlhophathutano di tlamela balemirui ka tšhono e e gaisang go laola gore ke seemo sefe sa boitseanape le ditirelo tse se batlang go di amogela.
Ditlhopha tsa balemirui tse di nonofileng ke tlhokego ya pele ya go itlhaganedisa tlhabololo ya temothuo mo Aforikaborwa. "Kwa ntle ga boeteledipele le mokgatlho, morafe o ganelela go ema tsi! tota le batho ba ba botlhale ba ba tshelang mo go ona ba kgaratlhela go falola mo dikgoleng tsa botlhokatlhabololo", go rialo Japie Grobler, moporesidente wa Agri SA. Selotlele sa imatlafatso ke kgobokanyo ya tiro ya balemirui.
<fn>PulaImvula. Farmer.2009-01.tn.txt</fn>
Go reng go tshwarwa malatsi a balemirui le ditekotshupetso?
Maikaelelo a Lenaneotlhabololo la Balemirui ke go tlhoma le go tsamaisa ditshatekelelo koo bantshadikuno ba ka lemosiwang ka mesola ya paakanyommu, nontsho, tlhopho ya mefutapeo, taolo ya mofero le ya disenyi le thobo, tse di nepagetseng teng.
Badiredi mo lenaneong ba gokaganya tlhomo ya ditekelelo tse mmogo le bannaleseabe mo madirelong a - rakonteraka, ditlamo tsa dipeo, ditlamo tsa dikensemese le ditlamo tsa dikhemikale tsa temothuo gore bantshadikuno ba tlhagisediwe tshedimosetso le matswakabele a ntshodikuno a a kgonegang le a a gaisang thata.
Fela fa ditsha tsa ditekelelotshupetso di setse di tlhomilwe, go botlhokwa gore bantshadikuno ba ba tlhabologang mo kgaolong eo ba tlhagisediwe dintlha tsotlhe tsa go jala le go tlhokomela dijalo tseo di tlaa jalwang mo ditsheng tseo. Malatsi a balemirui a naya bantshadikuno tšhono ya go kopakopana le bantshadikuno ba bangwe, ditlamo tse di tlamelang ka ditlhagisakuno mmogo le bannaleseabe ba bangwe botlhe mo madirelong, ba ba lalediwang go nna karolo ya malatsi a - bantshadikuno ba amogela tshedimosetso e ntsi le go itemogela ka meletlo e.
Lawrence Luthango (yo o ntseng a dira go tloga ka Motsheganong 2008) mo Kapabotlhaba - o tshwere malatsi a balemirui a mannye a le 4.
Inšorense ya ditlhagisakuno.
Mo lenaneong la rona re leka go dirisa le go akaretsa bannaleseabe botlhe mo madirelong a temothuo mo tlhabololong ya bantshadikuno - go nna le seabe se mongwe le mongwe a ka se dirang go ya ka maitseanape a bona. Tshwaragano e tshwanetse go nna teng e bile e botlhokwa fa go tshwanela gore go nne le tswelelopele e e kitlaneng le e e tswelelang.
<fn>PulaImvula. Farmer1.2010-08-06.tn.txt</fn>
Batlhophiwa ba Molemipotlana wa Ngwaga wa Mpumalanga gammogo le bafitlhamakgaolakgang ba begilwe. Pego ya mofenyi e tlaa dirwa wa moletlong kwa 250 Ton Club ka Phatwe 26, 2010.
Alpheos Masina o belegetswe kwa Badplaas ka 1948. O nyetse Christina Ncongwane mme ba na le bana ba le barataro. O goletse teng mo Badplaas mme ga a ise a ke a tsene sekolo. O simolotse go dira ka 1965 mo jalodikgweng kwa New Town mme gape a direla rakonteraka wa Kruger Construction, ba aga tsela go tswa Barberton go ya Badplaas. Ka 1968 o ne a simolola go dira mo polaseng a jala mefuta e e farologaneng ya dithoro le merogo mengwe. Gajaana o lema mmidi, dinawa le merogo mengwe mo diheketareng di le nne tsa masimo.
Ke mongwe wa bajaboswa ba Nolwanda Trust ba ba boneng polase mo Badplaas e ba e tleleimileng go ya ka molao wa Pusetsolefatshe. Ke monnamogolo yo o matlhagatlhaga yo o ikemiseditseng go ithuta ka dinako tsotlhe.
Nkomisheni Mhlongo o belegwe ka 1953 mo motsaneng wa Langeloop mo kgaolong ya Nkomazi. O goletse mo motsaneng o mme a simolola sekolo mo Sekolopotlaneng sa Driekoppies ka 1959. O ne a sutisediwa kwa Sekolong sa Lomati Dry mo mophatong wa bongwe (kereiti 3) mme a falola mophato wa 6 (kereiti 8) ka 1971. Ka 1974 o ne a tsaya taolo ya khefinyana ya batsadi ba gagwe mme a nna motsamaisi wa yona. O nyetse Nomasonto Ngwenya ka 1975, mme ba tshegofadiwa ka bana ba supa, basimane ba babedi le basetsana ba batlhano. Bangwe ba bana ba gagwe ba a dira, fa gofejane a sa ntse a tsena sekolo.
Morago ga go tsaya kgwebo e, o ne a e atolosa go nna lebentlele le le tona ka 1975. O ne a reka mafelo a maitiso a go nwela (lounges) a le mabedi, a aga butšhara mme gape a reka loruo. Gajaana o na le dikgomo di le 345.
Ka 1997 o ne a swetsa go boela kwa temothuong ka seo e ne e ntse e le tiro ya batsadi ba gagwe ka gale. O simolotse temothuo ka go lema mmidi, mantonkomane, lotlhakasukiri le dijalo tse dingwe. Gajaana o dira temo ya lotlhakasukiri mo diheketareng tse supa, gammogo le mmidi le dijalothoro tse dingwe jaaka matonkomane, dibathanate, "okra" le dimenku - tsotlhe tse di jetswe mo lefatsheng la diheketara tse di ka nnang 20. Mmidi o jalwa mo masimong a nosetso a a ka nnang diheketara di le thataro. O kgonne go roba ditono di le 40 tsa mmidi, ditono di le 15 tsa matonkomane le ditono di le 20 tsa dibathanate. Gajaana o tshwaragane le go roba dinawa tse dikima (cow peas).
Nyosi Mhlanga o belegetswe kwa Gutshwa ka 1941 mme a golela mo Gutshwa mo pusong ya bothati jwa setso jwa ga Khumalo. Ke motsana o o ka nnang dikhilomitara di le 20 go tswa White River mo Mpumalanga. O simolotse sekolo mo sekolong sa Gutshwa ka 1952. O tlogetse sekolo morago ga go falola mophatho wa botlhano ka 1959. O ne a simolola go dira jaaka modira mo ntlong ka 1960 kwa Plaston. O dirile nako e ntsi a dira mo dihoteleng jaaka moapei le moabadijo kgotsa weitere. O ne a nyetse moswi Evah Khumalo ka 1964. Ba ne ba tshegofaditswe ka bana ba le babedi, mosimane le mosetsana. Gajaana o nna a le esi.
O goletse mo motseng o o go neng go dirwa temothuo mo lefatsheng la morafe. Ba ne ba lema mmidi, matonkomane le dinawa tsa jugo. Fa a ntse a gola, o ne a disa loruo lwa batsadi ba gagwe. O ne a simolola go dira temothuo ka boena ka 1978 go fitlha 1982 fa leuba le ne le mo pateletsa go tlogela. O ne a ya go dira jaaka modiri fela kwa Ngodwana. O ne a boela mo temothuong ka 2003, a lema merogo mo tshimong ya heketara e le nngwe mme dijalo tse ingwe tsa gagwe a di jala mo masimong a diheketara di le nne. Go jetswe setshatekelelo sa mmidi mo polaseng ya gagwe mo dingwageng tse pedi tsedi latelanang.
Vincent Mdluli o belegetse kwa Mahukhube (Spelanyane), gaufi le Nelspruit mo taolong ya bothati jwa pusomorafe ya Mpakeni. Ke motsana o o ka nnang dikhilomitara tse 50 go tswa Nelspruit mo Mpumalanga. O simolotse sekolo mo Sekolong sa Kereke ya Roman Catholic mo Daantjie Trust ka 1949. O tlogetse sekolo ka 1957 a sena go falola mophato wa 7. O simolotse go dira jaaka modiredi fela kwa Nelspruit Sawmill ka 1960. Ka 1960 o ne a godisiwa go nna motlhatlhobi, mme a tlogela setlamo se ka 1972. Ka 1976 o ne a thapiwa ke lebentlele la Ellerines Furniture e le morekisi mme a tloga a godisiwa go nna motlhatlhobedi ka 1980. O tlogetse Ellerines ka 1999.
O nyetse Josephine Mndawe ka 1964 - yo o tlhokafetseng ka 2003. Ba ne ba na le bana ba le barataro - basimane ba babedi le basetsana ba le bane. Leitibolo la bona le belegwe ka 1966 fa gofejane e belegwe ka 1985. Ka 2007 o ne a nyala Nonhlanhla Mavuso, mme ga ba na bana.
Vincent o goletse mo polaseng ka batsadi ba gagwe e ne e le balemirui. Ba ne ba dirisa dipholo go lema masimo a bona. Fa a ntse a gola o ne a itumelela go rua dikgomo le go jala dijalo. Ka 2003 o ne a itshimololela temothuo ya gagwe ka sebele.
O simolotse ka go lema mmidi, matonkomane, le dinawa tsa jugo ka 2003 mo tshimong e e ka nnang diheketara di le lesome go ya lesometlhano. O ne fa gautshwane a dira semphato le rre Eros Mazibuko yo o leng moatefokate, yo o mo thusang ka matlole go dira temothuo ya gagwe ka mokgwa o o ntshang dikuno le o o nang le poelo. Gajaana ba jala diheketara tse 30 tsa mmidi, diheketara tsa matonkomane tse thataro le tse pedi tsa dinawa tsa jugo. Ba thapile badiredi ba le robedi le bakgweetsi ba le bararo ba diterekere. Ba na le diterekere di le nne, tshilo ya furu e le nngwe, megoma e meraro, dideše tse pedi, polantere e le nngwe, dikofole tse pedi le repara e le nngwe. Vincent gape o na le dikgomo di le 12 le dipodi tse 15.
<fn>PulaImvula. Farmer2.2010-08-06.tn.txt</fn>
Molemipotlana wa Ngwaga wa Kapabotlhaba - mofenyi ke...
Photos: Bruce Nqezo, Simphiwe Tshabu, Leonard Nondonga, Colbert Timakhwe le Caledon Quta.
Batlhophiwa gammogo le bafitlhamakgaolakgang a Molemipotlana wa Ngwaga wa Kapabotlhaba ba setse ba begilwe. Mofenyi o tlaa begwa kwa moletlong wa 250 Ton Club ka Phatwe 26, 2010.
Bruce o na le dingwaga di le 56 mme o belegetswe kwa Kwadike A/A kwa Lusikisiki. O weditse lokwalo lwa matiriki mme a ya go dira kwa Gold Fields mo Vaal Reefs go tswa 1974-1976. O ne a boela gae mme a dira jaaka mokgweetsi wa terekere mo Lefapheng la Temothuo mme gape a nna Mothusamotlhabolodi. O nyetse ka 1984 mme o na le basimane ba bararo le basetsana ba babedi. Mongwe wa basimane ba gagwe o kwa setheong sa thuto e kgolwane fa bana ba bangwe ba sa ntse ba le mo sekolong sa Sekontari. Bruce o ne a kgaolwa mo tirong ka 2000 mme morago ga foo a simolola go ntsha mmidi mo tshimong ya diheketara tse pedi. Gajaana o ntsha mmidi, dinawa le ditapole mo tshimong ya diheketara tse tlhano.
Simphiwe Elliot Tshabu o belegwe ka 1956 mo Kgaolotsamaisong ya Ntshiqo mo Tsolo. O tsene sekolopotlana go fitlha ka mophato wa 4 (Kereiti 6). O dirile kwa maemelakepeng kwa Cape Town dingwaga di le thataro mme gape a dira kwa Vandarly Esco dingwaga di le 20. Ka 1997 o ne a boela gae mme a simolola ka thuo ya dinku le dikgomo. Go sa le jalo o ne a jala mmidi, dinawa le ditapole mo masimong a mo motseng. O nyetse ka 1982 mme ena le mosadi wa gagwe ba na le bana ba le barataro, basimane ba le bararo le basetsana ba bararo. Mosimane a le mongwe o a dira fa ba bangwe ba sa le mo sekolong. Ka ntlha ya kgaolotirong mo meepong le botlhokatiro, Simphiwe o ne a swetsa go dirisa lefatshe le le teng le a ka le bonang go ntsha dijo le go dira lotseno. Gajaana o ntsha mmidi mo tshimong ya diheketara tse 14.
Leonard Nondonga o belegwe ka 1950 mo Kgaolotsamaisong ya Njezweni. O tsene sekolo go fitlha ka mophato wa 6 (kereiti 8). O dirile mo madirelong a meepo a Rustenburg le mo meepong ya polatinamo go tloga ka 1981 go ya 1988. O nyetse ka 1977 mme o tshegofaditswe ka basimane ba batlhano - ba babedi ba a dira, fa ba bararo ba sa le mo sekolong. Ka 1999 o ne a kgaolwa mo tirong mo mmaeneng. O ne a boela gae mme a simolola go lema, a ntsha mmidi le dinawa. Moragonyana o ne a reka terekere go suga mmu sentle le ka bonako. Gajaana o dira tiro ya bokonteraka mme e mo thusa go bona lotseno. Leonard o dirisa diheketara di le nne tsa lefatshe la morafe.
Colbert Timakhwe o belegwe ka 1944. O goletse mo batsading ba gagwe ba ba neng e le balemirui. O tsene sekolo mme o tlogetse ka mophato wa 5 (Kereiti 7). O ne a ya go dira mo meepong ya gouta kwa Lesley, kwa Teransefalabotlhaba, dingwaga di le lesome. O tlogetse meepo ka 1989 mme a ya Cape Town go direla ba Murray Construction. Ka 1991 o ne a boela gae go dira temothuo. O ne a nyala a sa le kwa Teransefala, mme ba tshegofadiwa ka bana ba barataro, basimane ba bane le basetsana ba babedi. Basimane botlhe ba a dira mme mosetsana a le mongwe o sa le mo sekolong. Colbert o ne a direla montshakuno, mme mo dingwageng tse tharo a kgobokanya maitemogelo mo ntshokunong ya temothuo. Gajaana o ntsha mmidi mo lefatsheng la diheketara tse tlhano.
Caledon Qutha o belegetswe kwa Kgaolotsamaisong ya Njijini ka 1959. O goletse koo mme a tsena sekolo se se botlana teng mme a tlogela ka mophato wa 5 (Kereiti 7). O ne a ya go tsena kwa Sekolosegolong sa Mt Frere kwa a boneng teng setifikeiti sa Kereiti ya 12 mme gape a amogela Dipoloma ya Borutabana. O ne a ya kwa Cape Town koo a neng a dira mo dikolong tse di farologaneng. O nyetse ka 1983 mme ba tshegofaditswe ka bana ka babedi, mosimane le mosetsana. Ka 1989 o ne a bula lebentlele la korosari, a rekisa maungo le merogo. O ne a hira lebentlele la kakaretso ka 2004 mme a boela gae kwa Njijini kwa Mt Frere koo a leng ralebentlele mo motseng wa gaabo. Caledon o ne a nna le kgatlhego ya jalo ya mmidi gonne bontsi jwa batho ba emisitse go ntsha mmidi o o leng sejosegolo sa bona. Gape go na le lefatshe le legolo la morafe le le sa dirisiweng. O ne a kgatlhwa thata ke bantshakuno mo tikologong ya Kokstad, ba ba ntshang mmidi ka selekanyo se segolo mme gajaana Caledon o ntsha mmidi ka selekanyo se segolo mme gajaana Caledon o ntsha mmidi mo tshimong ya diheketara tse 20.
<fn>PulaImvula. FarmerMaize.2008-12.tn.txt</fn>
Caption 2 : Neels Ferreira (Grain SA), Johan Kriel (mogokaganyi wa porofense), Labious Manoto le Tonie Loots (mogokaganyi wa porofense).
Mofenyi wa kgaisano ya Montshadikuno yo o Tlhabologang wa Ngwaga wa Grain SA o begilwe kwa maitseboeng a mabono a a neng a tshwaretswe kwa The Theatre on the Track mo Kyalami, ka 17 Diphalane, 2008. Ka kgaisano e, Grain SA e rata go lemoga bonontlhotlho mo madirelong a temo a mmidi magareng ga bantshadikuno ba ba tlhabologang le go tlamela ka batsewasekao mo go ba ba tsenang mo madirelong.
Go ne ga tlhaolwa bagaisani ba le barataro go gaisanela Kgaisano ya Montshadikuno yo o Tlhabologang wa Ngwaga wa 2008.
Isaac Khuto go tswa Ficksburg, Foreisetata.
Montshadikuno yo o Tlhabologang wa monongwaga ke Labious Manoto go tswa sedikeng sa Mooifontein mo Bokonebophirima. Re rata go akgola Labious mmogo le batsenelamakgaolakgang ba bangwe botlhe ka katlego e e manontlhotlho e.
Fa tlase go latela ditshwaelo tse di mmalwa ka ga Labious, tse di dirilweng ke ditokololo tsa basekaseki morago ga go mo etela.
Dikgono - Modiri wa senatla yo o boineelo. O na le maitemogelo. O na le kitso ka kgwebo ya gagwe.
Dikatlanegiso - O siametse go nna montshadikuno wa mogwebi.
Dikgono - O na le diterekere le didiriso tsa polase tse di lekaneng. O itse se a se dirang, dijalo tsa gagwe di dintle, le didiriso tsa gagwe di sale mo maemong a mantle. Mabolokelo le bodirelo di siame.
Dikgono - o na le lefatshe, o na le didiriso, o na le barwa ba le babedi ba ba berekang le ena, e bile o na le maitemogelo a dingwagangwaga.
Dikgono - O na le temothuo e e kopaneng e e siameng ya mmidi, sonobolomo, dinku le dikgomo. Ke montshadikuno yo o itshetletseng yo o nang le maitemogelo a dingwaga. O na le motseletsele wa diterekere le didiriso tsa tsona, gammogo le mabolokelo le bodirelo jo bontle. O na le kitso e ntle le go tlhaloganya temothuo mme o itse se a se dirang le gore o se direlang. O dirisa batlamedi ba ditlhagisokuno go bona kgakololo - peo, monontsha le dikhemikale.
Makoa - Monna yo o setse a fedisitse dintlha tsa makoa a gagwe e bile o dira temothuo e e nang le poelo e bile e e tswelelang.
Dikatlanegiso - Montshadikuno yo o dira sengwe le sengwe sentle mme o fitlheletse seemo sa montshadikuno wa mogwebi.
Dikgono - O na le maitemogelo a temothuo a mantle le kitso e e tebileng ya temothuo. O na le mmu o montle o o dirisiwang sentle le maatla a diterekere a a lekaneng le didiriso.
Katlanegiso - Tswelela ka tiro e e manontlhotlho e.
Dikgono - Maitemogelo a a siameng, mmu le pula tse di siameng gammogo le diterekere le didiriso tse di siameng.
Makoa - Taolomofero e tlhoka go tlhokomelwa - bogolosegolo motlho, thekiso ya gagwe e ka tokafadiwa.
Dikatlanegiso - Tsweletsa maatla a terekere a a lekaneng ka katoloso ya masimo. Tlhotlhomisa ka masimo a nosetso.
Dikgono - O na le kitso e e boitshegang ka se a se dirang.
Dikatlanegiso - O tlhoka go nna le seabe se segolwane mo malatsing a balemirui le dikhoso go bona diphetogo le kitso tse di botoka le tsa gajaana.
Dikgono - Monna tia - ka ditlhako tse dikgolo - motlhala o mogolo - o o tlhokang go salwa morago. Motsewasekao yo o ka rotloetsang ba bangwe - bogolosegolo bomorwae. O rotloetsa tshepo ya gore isagwe ya temothuo mo diatleng tse di tshwanang le tsa gagwe e sireletsegile. Le mororo a sotlegile le go gwebelelwa, o atlegile go bonala. Ke a mo tlotla le go mmoifa. Yo ke monna yo o itlhaolang mo gare ga banna. Jaaka montshadikuno o sa ntse a gola mme ga a tshabe go ipolela dikgaolo tsa bokoa foo a tlhokang thuso - e a tlaa netefatsang gore o a e bona.
Katlanegiso - Montshadikuno wa Ngwaga wa 2008.
<fn>PulaImvula. FarmerOfTheYear(maize).2010-12-01.tn.txt</fn>
Montshakuno wa Ngwaga wa 2010 - Foreisetata e tsere sekgele gape!
Photo: William Matasane, Montshakuno wa Ngwaga wa 2010 wa rona.
Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng go ntse go na le kgaisano e e edileng magareng ga diporofense tse di jwalang dithoro tsa botlhokwa di le pedi, Foreisetata le Bokonebophirima.
Jaaka go bonala ba le batlhano ba bafenyi mo go ba le robong ba tswa mo Bokonebophirima, mme ba le bane ba tswa kwa porofenseng ya Foreisetata. 2011 e tlaa nna ngwaga wa phenyo ya bommapodi go bona gore ke porofense efe e e tlhagisang bantshakuno ba ba gaisang!
William Matasane o tota a le mofenyi wa botlhokwa wa monongwaga. Yo ke monna yo o tlhophileng temothuo jaaka boiphidiso mme o e dira ka maatlametlo. Jaaka go builwe mo dikgannyaneng tse di fetileng, William o dira temothuo ka go lema mmidi le sonobolomo, o na le motlhape o o bonalang wa dikgomo tsa nama le dinku di se kae. O itheketse polase, mme o hira lefatshe la tlaleletso go atolosa tiro ya gagwe, William ke rralapa yo o ineetseng le mothapi yo o kgathalelang badiredi - mofenyi go tswa ntlheng tsotlhe. Ra re mo go ena - nelwa ke pula!
<fn>PulaImvula. FarmerOfTheYear(maize).2011-06-07.tn.txt</fn>
Koos: Koos le Lydia Mthimkhulu mo phaposiboapelong ya bona.
Malefane: Malefane Makubo o tlhalosa Lorato lwa gagwe mo temothuong.
John: John Dipane mo masimong a gagwe.
Boy: Boy Mokoena o bontsha phanele sonobolomo ya gagwe.
David: David Motswene mo masimong a gagwe.
Go batla go sa kgonege go akanya gore re fitlhile mo nakong ele gape ya ngwaga. Monongwaga re sweditse go etela bantshakuno go sale gale monongwaga e le gore re tle re bone dijalo fa di sa ntse di le ditala.
Re tsamaile go tloga ka 11 go ya 14 Moranang mme ditokololo tsa phanele e ne e le Karabo Peele (Maize Trust) Gerhard Mamabolo (AGRISETA). Jenny Matthews (setlhopatiro) Dirk van Rensburg (setlhopatiro), Willie Kotzè le Jane McPherson (batlhankedi mo lenaneong).
Re ne re itumetse thata fa Volkswagen ya Klerksdorp e ne e re rebolela sepalamo go se dirisa mo loetong lwa rona ka jalo re kgonne go tsamaya rotlhe mmogo.
Koos o belegwe kwa Paul Roux mo polaseng ya ga Julius Bobbert. O tsene sekolo mo sekolong sa polase sa selegae go fitlha ka Seema 1. Go tloga bonyaneng o ne a tshameka le barwa ba montshakuno go fitlhelela a simolola go dira ditiro dingwe mo polaseng. O simolotse kwa tering a gama dikgomo, a dira ka dikgomo tsa nama le loruo lo longwe, morago a gola go kgweetsa diterekere le go dirisa didiriso tse di farologaneng, kwa a dirileng dingwaga tse tlhano teng. Koos o ne a nna mokgweetsi wa toroko mo polaseng le go simolola go weletela mo bodirelong jwa polase, a baakanya le go aga didiriso. Fa a le dingwaga tse 26 o ne a fudugela kwa polaseng ya Mieliebutt ya ga Frikkie du Preez koo a ithutileng go le gontsi ka ga didiriso, go weletela le go jala dijalo.
Frikkie o ntse le seabe se segolo mo tlhabololong ya ga Koos go tswa kwa go nneng modirapolaseng go ya kwa go nneng montshakuno wa bogwebi. O fitlheletse maitemogelo a le mantsi thata fa a direla Frikkie. Gape Frikkie o mo rekiseditse didiriso di le mmalwa tse Koos a neng a kgona go di duelela fa madi a le teng. Ka go dirisa didiriso tse Koos a di rekileng mo go Frikkie, o ne a nna rakonteraka le go direla bantshakuno ba ba tlhabologang ba bangwe mo kgaolong ya Senekal. Tiro ya konteraka e ne ya dira lotseno lo a lo dirisitseng go duelela gotlhe didiriso tsele.
Koos o ne a bona diterekere tsa John Deere 3140 le Massey Ferguson 265 le didiriso dingwe go dira tiro ya bokonteraka. O ne a beeletsa mangwe a madi a o a boneng go tswa mo kgwebong ya bokonteraka mo dikgomong. Morago o ne a hira diheketara di le 55 tsa lefatshe la temo koo a neng a jwala mmidi le go roba palogare ya ditono tse 3 ka heketara mo ngwageng ya ntlha. O ne a abelwa polase ya Astoria ke Lefapha la Merero ya Mafatshe ka 2007 koo a dirang teng gajaana jaaka molebeledi wa montshakuno. Koos ke montshakuno yo o kgonang tota mme a re o itumelela thata kemonokeng e a e boneng go tswa Grain SA le Lefapha la Merero ya Mafatshe le se ba se mo diretseng, fela o lemoga gore ntshokuno ya "cash crops" mo mmung o o botlhofo ga e ka ke ya itshegeletsa fa go iwa pele. Dikonteraka di ntšhwafadiwa ngwaga le ngwaga mme konteraka ya gajaana e a e saenneng le Lefapha la Merero ya Mafatshe e simologa ka 10 Ngwanaitseele 2008 go ya Ngwanaitseele 2009, ka tšhono ya go ntšhwafatsa ke Lefapha ngwaga le ngwaga fa polase e dirisiwa sentle le go tlhokomelwa. Mo malobeng bantshakuno ba ne ba kgona go ka reka lefatshe, fela pholisi e fetogile mme ga go a tlhapa gore a Koos o tlaa tswa a kgona go reka lefatshe. Go fitlha gajaana ba Merero ya Mafatshe ba itumetse thata ka tiragatso e ba e boneng mme ba supile fa koneteraka ya bolebedi e tlaa ntšhwafadiwa.
Ka Koos a tshwenyegile ka poelo mo ntshokunong ya dithoro mo mebung ya kgono e e kwa tlase mo sedikeng sa Senekal, o batla go oketsa kgwebo ya bokonteraka. Gape o batla ya kgono e e kwa godimo e a ka e dirang ntshokuno ya mmidi le sonobolomo. O batla gape go oketsa palo ya dikgomo tsa nama mo polaseng. Dingwe tsa ditshwenyegokgolo tsa gagwe di akaretsa boatla jwa se se diragalang mo Lefapheng la Temothuo mabapi le go abela bantshakuno didiriso. Koos o eletsa go godisetsa kabometsi ya gagwe kwa dikampeng tsotlhe tsa polase, a reke dikgomo tse dingwe le go tlhoma mafulo a a jetsweng a leruri mo mebung e e lepapadia.
Koos ke sekao se se siameng thata sa mongwe yo o simolotseng a se na sepe le go dira ka natla go fitlhelela kwa godimo kwa a leng teng gompieno. Go jesa monate tota go mo etela kwa polaseng ya gagwe gonne sengwe le sengwe se tlametswe sentle le go tsholwa ka manontlhotlho mo segotlong. Didiriso tsa gagwe tsotlhe di tlhokometswe thata le go bolokwa mo setorong. O nyetse Lydia, mme ba tshegofaditswe ka bana ba le bararo, barwadi ba babedi ba ba setseng ba nyetswe ka bobedi jwa bona le morwa Clifford. Mongwe wa bomorwadie. Petunia, ke sealogane sa tsa temothuo yo o dirang jaaka molemisi kwa kgaolong ya Ficksburg. Clifford o dirile khoso ya dingwagapedi mo tsamaisong ya thekiso le temothuo, a dira mo sepodising ngwaga tse pedi mme gajaana o nna mo polaseng leruri, mme o dira temothuo le rraagwe. O nonofile thata ka fa semekhenekeng, se se bonalang sentle ka maemo a a kgatlhisang thata a didiriso tsa gagwe. Koos le lelapa la gagwe ba nna mo polaseng mme ke sekao se se siameng sa mofuta wa ntšhwafatso e e tlhokegang mo lephateng le.
Thando o belegetswe kwa Gelukspan (Bapong) ka 1957. Ke mosimane wa borobongwe wa bana ba le lesome le bobedi ba ga Stention le Francinah Lolwane.
O simolotse go dira kwa Stilfontein Panelbeaters ka 1997 jaaka modiri fela mme a tlogela go ya go dira kwa Marico Foodstar jaaka motsamaisi wa motšhine dikgwedi di se kae. O ne gape a ya go dira kwa Stilfontein Goldmine a le mokgweetsi wa terena ya ka fa tlase ga lefatshe.
O nyetse Atholia Lolwane mme ba segofaditswe ka bana ba le batlhano, basetsana ba banedi le basimane ba bararo. Leitibolo la gagwe Jacob (32) gajaana o dira mo Lefapheng la Pholo kwa Schweizer Reneke, Progress (30) o dira kwa Lefapheng la Tlhabololo ya Loago; Gladwin (28) o ne a direla Lefapha la Phemelo mme gajaana o dira le rraagwe mo polaseng. Primrose (24) o dira dithuto tsa temothuo kwa kholetšheng ya Taletso FET fa e le Nomvuyo (16) ene o dira Kereiti ya 10 kwa Sekolosegolong sa Bethel.
Thando o simolotse temothuo ka 1982 ka go thusa rraagwe. Ka 1983 o ne a kgona go bona kadimo ya madi mo Agribank (Bophuthatswana) mme a simolola go lema ka diheketara tse75 tsa gagwe ka terekere e le nngwe. Ka 1989 o ne a setse a rekile terekere e nngwe ya Ford 6010. O rekile polase ya diheketara di le 400 mo Klippan le go hira polase e nngwe ya diheketara tse 249 kwa Lareystryd e bile o hirile gape lefatshe la morafe mo Gelukspan. Ka 2008, Thando o ne a fenya go nna New Harvest Farmer wa Ngwaga wa Toyota. Go ya ka Thando temothuo ke botshelo!
Malefane o belegetswe mo Petrus Steyn ka 25 Lwetse 1949. O goletse mo polaseng ya ga rre CA Claasen mo kgaolong ya Petrus Steyn. O simolotse sekolo le go wetsa Kereite 4 mo Sekolopotlaneng sa Danielsrus gaufi le Petrus Steyn. Malefane o ne a rata polase mme o simolotse go dira mo polaseng a le dingwaga di le 12. O ne a setse a thapilwe leruri mo polaseng fa a le dingwaga di le 15. Malefane a re ka nako eo o ne a amogela disente tse 50 ka kgwedi mme o ne a kgona go amogela moputso o o tletseng (R2 ka kgwedi) fa a kgona go rwala kgetsi ya 200lb ya mmidi mo tlhogong.
Malefane o ne a tlogela mo polaseng eo le go direla VKB - a re o ne a amogela mo go itumedisang mme se sa mo kgontsha go nyala mosadi wa gagwe (e ne e le R10 ka kgwedi). Morago ga dingwaga montshakuno wa mogwebi o ne a mo kopa go boela kwa polaseng. A re ba ne ba tshela sentle e bile o ne a newa tebogo (bonus) ya dikgetsi tse 20 tsa mmidi morago ga thobo se e ne e le madi a a itumedisang tota!
Malefane o ne a batla go dira kwa ditoropokgolong mo madirelong a go aga mme a hudugela kwa Qwa-Qwa gore "pasa" ya gagwe e tle e mo kgontshe go tswa ka kgaolo. Ka 1990 Malefane o ne a swetsa go tlogela botshelo jwa ditoropo le go boela gae kwa Qwa-Qwa mme a reka polase. Kwa tshimologong o ne a e hirile (R3 500 dikgwedi dingwe le dingwe tse thataro), mme o ne kwa morago a kgona go reka polase e ka thuso ya kadimo go tswa Landbank eo a setseng a e duetse yotlhe ka botlalo. O ne a reka polase ya diheketara tse 560 eo diheketara tse 200 tsa yona e leng lefatshe la temo.
Malefane a re o itiretse maikemisetso a gore a duele dikadimo tsa gagwe fa a bona lotseno go tswa mo polaseng - ditlhoko tsa gagwe di ne di tla morago ga dituelelo di fitlheletswe. O setse a duetse dikadimo tsotlhe tsa gagwe mme jaanong o dira temothuo ka Korong, mmidi, dosoyabini, dinawa, dikgomo tsa nama e bile o na le teri e nnye. Malefane o dumela mo isagweng mme o itumelela temothuo.
John o belegetswe mo polaseng ya Vaalbank mo sedikeng sa Senekal. O tsene sekolo go fitlha kwa Kereiting ya 6 mo sekolong sa Dipolase sa Vaalbank. Morago ga go nna mo polaseng dingwaga di le nne, o ne a ya go direla Lefapha la Ditsela ka 1970 a le mokgweetsi wa segopatsela. O diretse Lefapha la Ditsela le Ditiro tsa Setšhaba dingwana di le 23. John o nyetse Jeanette (yo o rutileng dingwaga tse 30 mo Sekolopotlaneng sa Senekal, e bile bana ba bona ba setse ba nyetse/nyetswe).
John le ditsala di le nne ba ne ba reka polase ya Rooikoppies mme ka 2005 ba e rekisetsa rre Mohapi. John o ne jaanong a reka polase ya Concordia ka thuso ya Lefapha la Merero ya Mafatshe ka 2005. O setse a na le "title deed" ya polase e. Go fitlha gajaana o itumelela thuso e a e boneng go tswa go Lefapha la Temothuo la Merero ya Mafatshe le Grain SA. Ke montshakuno yo o kelotlhoko. Polase ya gagwe ke palogotlhe ya diheketara di le 277 mme o hirile gape diheketara tse 114 tsa tlaleletso tsa lefatshe la temo.
Dingwe tsa dikgwetlho tse di mo jesetsang kgobedung ke ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tse di kwa godimo le ditlhotlhwa tse di kwa tlase tsa dithoro. Mekgwatiriso ya temothuo ya gagwe e siame e bile o dira ka didiriso tse di siameng mo polaseng. Ka gonne John a sa tlhole a le mošwa, o rulaganya le go gokaganya dilo tsa gagwe sentle gore a tle a kgone go dira dilo tsotlhe sentle ka nako e e siameng.
Boy o belegetswe mo Middleburg ka 1948 mo polaseng e batsadi ba bagwe ba neng ba dira mo go yona. O nyetse mme o na le bana ba le bane. Ga a ise a ke a tsene sekolo mme mo bosimaneng jwa gagwe o ne a nna le Lorato lwa go disa. Mo malatsing ao go tsena sekolo go ne go sa patelediwe, ja hee, lorato lwa gagwe lwa tlhago lwa gola.
O simolotse go dira ka go dira mo dipolaseng tsa bantshakuno ba bagwebi mme a tlhatloga jalo mo tirong go tswa go modiri fela go nna mokgweetsi wa terekere le go feleletsa a le foromane. Jaaka modisa wa maloba, o na le lorato lo lo tseneletseng mo thuong ya dikgomo. Gajaana o na le motlhape wa dikgomo tsa bogwebi di le 200 mo polaseng ya gagwe.
Dingwaga di ka nna lesometlhano tse di fetileng Boy o ne a na le dikgomo di ka nna makgolorobedi tsa mohuta wa nama, mme nngwe ya diphoso tse di boitshegang tse a kileng a di dira e ntse go rekisa dikgomo tsa gagwe go tlamela didiriso tsa temo le go jala dijalo tsa akeronomi. Boy o ne gape a na le senthaphaefote e e nosetsang diheketara di ka nna 40 mo polaseng ya gagwe, e e neng ya tlhongwa dingwaga tse tlhano tse di fetileng, ka bomadimabe dikheibole tsa senthaphaefote le seteišene se se pompang sa teng di utswilwe.
Le fa a ne a sa rutega, Boy ga a ka a lomeletsa bana ba gagwe ka go sa ba tsenyeng sekolo. Bana ba gagwe ba bararo ba tlogile mo dikgaolong tsa magae mme ba tsweletse sentle thata kwa dikgaolong tsa setoropo. Morwadie o mo thusa ka tsamaiso le merero mengwe ya matlole mo polaseng.
Ka bomadimabe Boy ga a kgatlhiwe ke sepe fela ka setlha se se tlang. E tlaa bo e le tatlhegelo e e boitshegang go ka latlhegelwa ke montshakuno yo o gaisang yo o itirelang dilo tsotlhe ka boena.
David o belegetswe mo Middleburg ka 1949 mo polaseng ya Patatfontein. O ne a tlhola a thusa rraagwe le rraagwemogolo mo polaseng mme lorato lwa temothuo lwa tsalega mo bonyaneng jwa gagwe. Ba ne ba tlwaetse go lema ka mok gwa wa bogologolo wa "derde deel" foo ba neng ba lema masimo ka dipholo, le go tlamela ka ditsenngwateng mme e re fa nako ya thobo e tla ba bo ba amogela fela nngwetharong ya dijalo.
Tlamelo ka matlole ya ga David e tswa mo go ena gonne a na le dikgwebo tse dingwe jaaka boruakolobe jwa Naga jo e leng kgwebo ya temothuo e e tsweletseng le go tlamelega sentle. O dumela mo go tsholeng kgwebo nngwe le nngwe ya temothuo e ikemetse ka boyona mme fa e sa atlege o a e tswala. O reka peo ya gagwe ko Monsanto mme ga a dirise dipeo dipe tsa GM. Dikhemikale o dire ka mo Quemico, fa monontsha o tswa kwa Sasol Nitro. O siame thata ka batlamedi ba ditsenngwateng ba gagwe ka gonne fa e re diotara di sena go goriswa ba ba ba nyelela.
David ga a rata go tshwaela ka seabe sa Puso mo Temothuong le mo tlhabololong ya bantshakuno. O dumela gore katlego ya gagwe e mo diatleng tsa gagwe le mo matloleng a gagwe, e bile karolo ya katlego ya gagwe le gore ga a dumele mo go tlhabanyetseng - go tsela e le nngwe fela mm eke tsela e e nepagetseng.
Matshosetsi a magolo tswelelopeleng ya gagwe ke matlhotlhapelo a tlhago jaaka komelelo, sefako kgatosa masetlapelo a tlhago afe kampo afe. Matshosetsi a mangwe ke go tlhatloga le go wa ga mebaraka koo ditsenngwateng di sa tshwanelaneng le dipoelo le go tlhoka taolo mo ditlhotlhweng ka ntlha ya ntshokuno e e feteletseng.
David o rata go atologa le go jala diheketara tse dintsi fela ga a na kgono ya tirisometšhine go dira jalo. Phaoolo mo dingwageng tse di tlang e tla nna mo go sekasekeng mebaraka ka nepo le go jala dijalo tse di nepagetseng jaaka di tlhokiwa ke ditlhoko tsa ikonomi go falola.
Kgaisano e e gagametse tota fela re itumetse go bega gore bafitlhelelamakgaolakgang ba bararo ke Thando Lolwane, Malefane Makubo le Koos Mthimkhulu. Re ba eleletsa katlego yotlhe.
<fn>PulaImvula. Farming.2008-11.tn.txt</fn>
Tota temothuo ke ka ga eng?
Motlhaope go ka siama go re go tloga kwa tshimologong ya temothuo, jaaka re itse gompieno, lefatshe le le teng go ka diresediwa temothuo mo lefatsheng le lennye thata.
Go na le mekgwatiriso ya ntshodikuno (sekao, ntshodikuno ya haeterofoniki) e e dirang gore ntshodikuno e kgonege kwa ntle ga go dirisa lefatshe jaaka sediriso sa jalo, fela mo bogolong jwa temothuo, lefatshe le le mo ntshodikunong ga le nene, e bile le lennye. Ka kakaretso, temothuo ke ka ga ntshodikuno ya dijo le faeba. Mofuta wa temothuo o o diragadiwang mo kgaolong kgotsa naga e e rileng, o ikaegile mo dintlheng dingwe jaaka tlelaemete, mmu le ngwao. Batho ba ba tshelang ka lefatshe ba na le tlhotleletsego nngwe go fepa le go tlamela bamalapa ba bona - tshireletsego ya dijo tsa lelapa. Ke fela fa ditlhokego tsa balapa di kgotsofaditswe, ntshodikuno e ka fetisediwang kwa maitekong a kgwebo foo kuno e ntshiwang ka bontsi le go rekisiwa go bona lotseno.
Mo dingwageng tse dintsi go lemotshegile gore dinaga tse di kgonang go falola matlhotlhapelo a mofuta ofe le ofe, ke tse di nang le dijo tse di lekaneng. Ka ntlha ya mekgwatiriso ya ntshodikuno ya segompieno ya dijo, dinaga tse dintsi di kgona go ntsha dijo le faeba tse dintsi go feta ka fa tota ba di tlhokang ka teng go itlamela. Dinaga tse di tlhabologileng di le dintsi di ntsha dijo tse dintsi go na le ka fa di di tlhokang, mme go ya ka dintlhana tsa seikonomi tsa motheo, lebaka la gore tlamelo e feta patlego, go tshwanetse gore go nne le phokotsego ya tlhotlhwa, se se tla pateletsang bantshadikuno bangwe go emisa go jala sejalo seo. Mo dinageng di le mmalwa, bantshadikuno ba amogela ketleetso gore ba tle ba tswelele ka ntshodikuno eo, ka gore mmuso wa naga eo o batla go netefatsa gore naga ka bophara e sala go nna le tshireletsego ya dijo.
Dinaga tse di ntshang dijo go feta ka fa di di tlhokang, di romela ntle lefetiso kwa dinageng tse dingwe. Fa gongwe dijo tse di ka gorosiwa kwa nageng e nngwe ka tlhotlhwa e e kwa tlase go na le ka fa naga eo e ka ntshang dijo tsona tseo ka yona. Se e ka nna ka ntlha ya diketleetso, fela gape e ka nna ka ntlha ya tlelaemete e e siametseng ntshodikuno ya sejo seo thata (sekao, bantshadikuno ba New Zealand ba ka kgona go ntsha mašwi ka tlhotlhwa e e kwa tlase go tswa mafudisong a bona mme ka jalo ba kgona go romela mašwi ntle kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe koo ditshenyegelo tsa ntshodikuno di leng kwa godimo).
Jaaka go umakilwe, lefatshe le le gona go dira ntshodikuno ya dijo le faeba mo nageng nngwe le nngwe le lennye thata. Go nna le tshireletsego ya dijo ya naga eo, go botlhokwa thata gore lefatshe leo le tswelela go ntsha dikuno. Fela le gale lefatshe le ka sala fela go ntsha dikuno fa bantshadikuno ba ka dira poelo mo ntshodikunong. Ga jaana re mo nakeng tsa kukama ka gore ditshenyegelo tsa ntshodikuno ya mmidi, sonobolomo, mabele le dinawa tsa soya e tlhatlogile thatathata mme se se tshosetsa poelo mo ntshodikunong ya dithoro.
Re ka gakolola bantshadikuno go dira eng?
Re gakolola bantshadikuno gore ba se ke ba jala kwa ntle ga gore ba bo ba na le mmaraka wa kuno eo ka tlhotlhwa e ka tono e fetang ditshenyegelo tsa ntshodikuno.
Re tshikinya gore fa o jalela go iphepa fela, dira jalo gore wena le balapa ba gago lo nne le tshireletsego ya dijo tsa balapa.
Morago ga go tlhomamisa tshireletsego ya dijo tsa balapa, leka go batla mmaraka, mme o jalele fela go itumedisa mmaraka oo.
Jaaka setlhajalo se simologa re go eleletsa katlego yotlhe, Kgotso, Pula, Nala - Peace, Rain and Prosperity.
<fn>PulaImvula. February(maize).2011-02-08.tn.txt</fn>
Letlhanetlhane la tiro le le diragalang ka setlhajalo sa dijalo sa selemo sengwe le sengwe, le tshwanetse la bo le ya meriting jaanong mme montshakuno o mo maemong a go ema le go bona dijalo tse di emeng mo masimong gajaana. Go solofelwa fa dipalopalo tsa dimela di lekane, le gore mmala wa dijalo ke botala jo bontsho, le gore ga go na mefero e e gaisanang le dijalo - ka bokhutshwane, ke go re sengwe le sengwe se mo maemong a mantle go tlhagisa thobo ya pholo.
Mo mabakeng a mantsi, sengwe le sengwe ga se a tsamaya go ya ka thulaganyo, mme dijalo tse di mo masimong, ga di a siama jaaka go ne go solofetswe. E, ke yona nako e e maleba go tlhotlhomisa dilo tse di ka bong di fosagetse.
Palopalo ya dimela - a tota e mosola?
Fa a jala dijalo, montshakuno o tshwanetse a bo a rulaganya go fitlhelela palopalo ya dimela e e atlanegisiwang e e rileng. Semela sengwe le sengwe se na le kgonego e e rileng go ntsha dithoro - dintlha tse di lekanyetsang thobo ke go nna teng ga metsi mo mmung, dikotla, lesedi le mogote. Palo ya dimela tse di ka tlamelesegang ka kgaolo ya yunite ya masimo e ikaegile bogolosegolo ka selekanyo sa metsi a a mo mmung se se gona. Palopalo ya dimela mo kgaolong ya yunite e botlhokwa go gaisa bopharamola jo bo kgethegileng ka gore dimela di kgona go thiba tlhaelo eo ka tsela nngwe. Bopharamola mo maemong a temo e e sa nosediweng bo ka farologana go tswa go 0,9m go ya 2,1m kgotsa 2,3m, go ya fela ka didiriso tsa semotšhine tse di gona le mofuta o o dirilweng wa tshugommu. Mela e e sephara thata e supiwa foo thobophopholetso e leng kwa tlase, palopalo ya dimela e e eletsegang e le kwa tlase, pula e e kwa tlase, koo go nang le mathata a kgogolego ka phefo le koo mefero e e tla laolwang ka metšhine fa gare ga dimela.
Mela e mesesane e supiwa foo thobophopholetso e leng kwa godimo, koo go nang pula e ntsi, koo go nang le mothulama mo tshimong le koo mofero o tlaa laolwang sekhemikale (ga go kgonege go laola mofero semotšhine mo bopharamoleng jo bosesane, gonne go se kitla go nna le sebaka sa terekere mo dipakeng tse di fa gare ga mela).
Thobo e e kailweng e na le seabe se se botlhokwa mo tlhomamisong ya palopalo ya dimela e e tlhokegang. Dipalopalo tsa dimela tse di kwa tlase thata di lekanyetsa thobo e e kgonegang mme palopalo e e kwa godimo thata e isa kwa ngodiegong e e oketsegileng mo dimeleng e gape e fokotsang thobo. Dimela tse di jetsweng motlele gantsi di nna le koketsego ya riseke ya bolwetse (jaaka polokutu) mme go wa go nna bonolo.
Kgaolo nngwe le nngwe le mohutapeo mongwe le mongwe, di na le palopalo ya dimela e e atlanegisitsweng. Fa go sa fitlhelelwe palopalo ya dimela e e eletsegang gona kgonego ya thobo e tlaa amega bosula (ka bokhutshwane, ga go kitla go nna le dimela tse di lekaneng go ntsha boleng jwa dithoro jo bo eletsegang).
Dibako tsa palopalo ya dimela e e bokoa e ka nna eng?
Go dintlha di le mmalwa tse di ka nnang sebako sa palopalo ya dimela e e bokoa, mme dibako tse di amana le dikgato tse di farologaneng mo kgolong ya sejalo.
Melo e e bokoa ke nngwe ya dibako tse dikgolo tsa seemo sa bofelo se se bokoa.
Khaliboreišene ya polantere e ka tswa e ne e sa nepagala le go tlhola jalo ya ditlhaka di se kae tsa peo mo tshimong.
Bogolo (size) jwa peo bo ka tswa bo ne bo sa nepagala mo dipolateng tsa polantere e e dirisitsweng.
Gape peo e ka tswa e ne e le nnye thata mo polantereng mme ga tlhola gore ditlhaka tse pedi di leke go tswa ka nako e le nngwe mo phatlheng - tsa thamela mme ga se ke ga tswa sepe go jala.
Mekheniseme wa "ticker" mo polantereng o ka tswa o na le phoso mme o thuba ditlhaka fa di feta.
Mo dipolantereng tsa mowa, pudulo e ka tswa e se maatla a a lekaneng sentle go tshwara tlhaka mo kemong e e nepagetseng go fitlhelelwa go jalwa.
Ka kakaretso tlamelo e e bokoa ya polantere e tlhola mathata a semekhenike a a farologaneng a le mmalwa a a tsalang go jalwa ga ditlhaka di se kaenyana tse di thubegileng.
Boleng jwa peo bo ka tswa bo le kwa tlase - peo e e tsofetseng kgotsa e e lwalang e e nang le phesente ya melo e e bokoa.
Mo maemong a a metsi thata peonyana e e melang e ka tswa e tlhaetse okosijene mo mmung.
Mo maemong a a omileng thata peo e ka tswa e tlhaetse go fitlhelela bongola jwa mmu jo bo lekaneng go tlhola melo.
Fela fa peo e setse e jetswe, go ka na pula ya sephaphathela e ntsi mme ya papiela mmu le go tlhola legogo le le thata le le thibelang peo e e melang go tlhagelela.
Go ka tswa go na le masalela a khemikale mo mmung a a bolayang semelanyana se se melang.
Mo tshimologong ya setlhajalo go sa le gale, peo e ka tswa e jetswe fa themphereitšha ya mmu e sa le kwa tlase thata go letla melo.
Peo e ka tswa e jaletswe kwa teng thata mme se se kgoreletse semela go tlhagelela fa godimo ga mmu.
Ditshenekegi, dinonyane kgotsa diamusi tse di potlana di ka tswa di jele peo pele e ka mela.
Bongwe jwa mathata a a tlwaelegileng thata morago ga tlhogo ke tshenyo ka ditshenekegi - bogolo sebokosegi se se jang semela fela fa boalogodimong.
Dinonyane di ka ja matlhogelanyana a mannye (le mororo se gantsi e se bothata).
Mo maemong a a omileng a motlhaba, phoko (kgogolego ya phefo) e ka hupela ka botlalo fa matlhogelanyana a leka go tlhagelela.
Sefako se ka tlhola tshenyo e e boitshegang mo matlhogeleng.
Mogote o o tseneletseng (jaaka mo lekhubung la mogote) o ka gaupanya dimelanyana.
Serame, go sa le gale mo setlheng, se ka tshuba dimelanyana.
Mo mabakeng a mangwe, jaaka go ntse ka sonobolomo, ke mokgwatiriso o o tlwaelegileng go dirisa roloege go thuba legogo la boalogodimo le le ka bong le tlhodilwe ke pula mo tshimong e e jetsweng. Roloege e e ka bolaya dimelanyana.
Phulo ya loruo ke bothata jo bo boitshegang mo dikgaolong tse dintsi.
Taolomofero ya semotšhine gantsi e tlhola tshenyo mo dimeleng - fa dikara tsa setlhagodi di sa setelwa sentle, le fa mokgweetsi a se kelotlhoko mo tirong e a e dirang (fa tiro ya jalo e sa dirwa sentle le mela e sa tlhamalala le go lekalekana, tlhagolo e fetoga bothata le go tlhola tshenyo mo dijalong).
Malwetse a ka tlhola tatlhegelo mo dimeleng.
Kgaisano e e masisi ka mefero e ka tlhola tatlhegelo ya dimela.
Tharabololo ya palopalo ya dimela e e bokoa ke eng?
Fa nako e letla, dijalo di ka jalwa gape (le mororo se se tla le bokao jwa ditshenyegelo tse di masisi).
Fa mola o le mongwe o tlhaela (ka ntlha ya go sa direng sentle ga polantere), mola oo o ka jalwa ka bonako fela fa bothata joo bo lemogiwa.
Go botlhokwa thata gore dibako tsa palopalo ya dimela e e bokoa di bonwe gore di tle di alafiwe mme di se ke tsa boelelwa mo setlheng se se latelang.
<fn>PulaImvula. February.2008-02.tn.txt</fn>
Photo 1: Dipeo tsa mmidi tse dikgolo thata mo diphatlhaneng tsa poleite ya polantere - ga di ise di ke di jalwe.
Photo 2: Pula e ka katela mmu mme ya tlhola tlhamego ya legogo le le popota le le thibelang matlhogelanyana go tlhagelela.
Photo 3: Dimela tsa mmidi tse di jaletsweng boteng thata mme tsa sokola go tlhagelela.
Photo 4: Bongwe jwa mathata a a tlwaelegileng thata morago ga go mela ke tshenyo ka ditshenekegi.
Lethuuthuu la tiro le le tlhagelelang mo setrheng sa jalo ya dijalo tsa selemo sengwe le sengwe le tshwanetse la bo le bepa mme molemi jaanong o mo maemong a go leba kwa masimo go bona dijalo tse di emeng mo go ona. Go solofetswe gore palopalo ya dimela e lekane, gore mmala wa dijalo ke botala jo bontsho jo bo eletsegang, gore ga go na mofero o o gaisanang le dijalo - ka bokhutshwane, gore sengwe le sengwe se bonala sentle go bona pholo e e boitshegang.
Gantsi le gale sengwe le sengwe o fitlhele se sa tsamae sentle ka fa go rulagantsweng mme dijalo mo tshimong ga di dintle jaaka go ne go solofetswe. E ke nako e e maleba go batlisisa dilo tse di ka bong di sa tsamaya sentle.
Palopalo ya dimela - a tota e botlhokwa?
Fa a jala sejalo, molemi o tshwanetse a bo a rulaganya go fitlhelela palopalo ya dimela e e rileng e e atlanegisitsweng. Semela sengwe le sengwe se na le bokgoni jo bo rileng go ntsha dithoro - dintlha tse di lekanyetsang thobo ke go nna teng ga metsi a a mo mmung, dikotla, lesedi le mogote. Palo ya dimela e e ka tlamelwang ka kgaolo ya yunite ya tshimo e ikaegile bogolosegolo ka selekano sa metsi a a mo mmung a a leng teng. Palopalo ya dimela ka kgaolo ya yunite e botlhokwa thata go feta bopharamola jo bo kgethegileng ka gore dimela di kgona go itshtrsa ka tsela e e rileng. Bopharamela mo maemong a temo e e sa nosiweng bo ka farologana go tswa go 0,9 m go ya 2,1 m kgotsa 2,3 m, go ya fela ka didiriso tsa metšhine tse di teng le mofuta wa tshugommu o o dirisitsweng. Mela e e bophara thata e supiwa foo thobo e e solofetsweng e leng kwa tlase, palopalo ya dimela e e eletsegang e leng kwa tlase, pula e leng kwa tlase, foo go nang le mathata ka kgogolego ya mmu ka phefo le foo mefero e tlaa laolwang ka metšhine mo gare ga mela.
Mela e mesesane e supiwa foo thobo e e solofetsweng e leng kwa godimo, koo pula e leng kwa godimo, koo go nang le mothulama mo tshimong le koo taolomofero e tlaa dirwang ka khemikale (ga go kgonege go laola mofero ka metšhine mo meleng e mesesane ka gore terekere ga e ne e nna le gona go tsamaya mo dipakeng tse di fa gare ga mela).
Thobo e e akanyediwang e na le seabe sa botlhokwa mo go tlhomamiseng palopalo ya dimela e e batlegang. Dipalopalo tsa dimela tse di kwa tlase thata di lekanyetsa kgono ya thobo, mme palopalo e e kwa godimo thata e tlisa ngodiego e e oketsegileng mo dimeleng e le yona e fokotsang thobo. Dimela tse di jetsweng motlele gantsi di na le mathata a go tlhaselwa ke malwetse (jaaka polokutu) mme go wa le gona go atile.
Kgaolo nngwe le nngwe le mofutapeo mongwe le mongwe, di na le palopalo ya dimela e e atlanegisiwang. Fa palopalo e e eletsegang e sa fitlhelelwe gona kgono ya thobo e tlaa amega bosula (ka bokhutshwane, ga go ne go nna le dimela tse di lekaneng go ntsha bontsi jwa dithoro jo bo eletsegang).
Palopalo ya dimela e e bokoa e tlholwa keng?
Go na le dintlha di le mmalwa tse di ka tlholang palopalo ya dimela e e bokoa mme ditlhodi tse di amana le dikgato tse di farologaneng mo kgolong ya dijalo.
Melo e e bokoa ke nngwe ya ditlhodi tse dikgolo tsa kemo ya bofelo e e bokoa.
Khaliboreišene ya polantere e ka tswa e ne e fosagetse mme ya tlhola gore go nne le peo e nnye e e jetsweng mo tshimong.
Bogolo (size) jwa dipeo bo ka ne bo ne bo fosagetse mo dipolateng tsa polantere e e dirisitsweng (setshwantsho 1).
Dipeo di ka tswa gape di ne di le dinnye mo diphatlhaneng tsa polantere mme go tlhole gore dipeo tse pedi di leke go tswa mmogo ka nako e le nngwe, di thamele mme ga se jalwe sepe.
Mekhenesime wa "ticker" wa polantere o ka tswa o ne o sa dire sentle mme o thuba dithoro jaaka di feta.
Mo dipolantereng tsa mowa, go ka tswa e le gore phefo e ne e se bokete jo bo lekaneng go tshwara peo mo maemong a a nepagetseng go fitlhelela e jalwa.
Ka kakaretso tlamelo e e bokoa ya polantere e tlhola mathata a semotšhine a a farologaneng a le palonyana, se se dirang gore go jalwe peo e nnye kgotsa e e tlhubegileng.
Boleng jwa peo bo ka tswa bo le bokoa - peo e kgologolo, kgotsa peo e e lwalang e e nang le phesentheije e e kwa tlase ya tlhogo.
Mo maemong a a metsi thata, matlhogelanyana a a melang a ka tswa a tlhokile okosijene mo mmung.
Mo maemong a a omileng thata, peo e ka tswa e tlhokile go fitlhelela bongola jwa mmu jo bo lekaneng go tsibosa tlhogo.
Fela fa sejalo se setse se jetswe, pula e e bokete e ka katela bolemo mme e a tlhola go nna teng ga legogo le le popota le le thibelelang matlhogelanyana go tlhagelela fa godimo (bona setshwantsho 2).
Go ka tswa go ne go na le masalela a khemikale mo mmung e e bolayang dimela tse di tlhogang foo.
Mo setlhajalong sa go sa le gale, peo e ka tswa e jetswe fa themphereitšha ya mmu e ne e le kwa tlase go letla tlhogo.
Peo e ka tswa e jaletswe kwa teng mme se sa dira gore semela se palelwe ke go tlhagelela fa godimo (setshwantsho 3).
Ditshenekegi, dinonyana kgotsa diamusi tse dinnye di ka tswa di jele dipeo pele di ka tlhoga.
Bongwe jwa mathata a a tlwaelegileng thata morago ga tlhogo ke tshenyo ka ditshenekegi - bogolosegolo dibokosegi tse di jang semela fela fa godimo ga boalogodimo (setshwantsho 4).
Dinonyane di ka kuta matlhogelanyana (le mororo gantsi e se bothata jo bogolo).
Mo maemong a a omileng a mmu wa motlhaba, phefo e e fokang e nonofile go katela matlhogelanyana fa a leka go tlhagelela fa godimo.
Sefako se ka tlhola tshenyo e e boitshegang mo matlhogelanyaneng.
Mogote o o feteletseng (jaaka lekhubu la mogote) o ka dira gore matlhogelanyana a gaupane ka go oma.
Serame mo setlheng sa go sa le gale se ka bolaya matlhogelanyana.
Mo mabakeng mangwe, jaaka mo disonobolomong, go tlwaelegile go dirisa rôlôêgê go thuba legogo la boalogodimo le le ka bong le tlhodilwe ke pula mo tshimong e e jetsweng. Ege e ka senya matlhogelanyana.
Go fudisa dikgomo (loruo) ke bothata jo bogolo mo dikgaolong tse dintsi.
Taolomofero ka metšhine fa gongwe e bolaya dimela - fa dikara tsa ditlhagodi di sa setelwa sentle, le fa mokgweetsi a sa tsepamisa mogopolo mo tirong e a e dirang (fa tiro ya go jala e sa dirwa sentle mme mela e sa lekane e bile e sa tlhamalala, tlhagolo e nna mathata mme e tlhole tshenyo ya dijalo).
Malwetse a ka tlhola tatlhegelo mo dimeleng.
Kgaisano e e bokete ka mefero e ka tlhola tatlhegelo ya dimela.
Tharabololo ya palopalo ya dimela e e bokoa ke eng?
Fa nako e sa ntse e letla, dijalo di ka jalwa gape (le mororo seno se tla le ditshenyegelo tse dikgolo).
Fa go na le mola o o tlhaetseng go tlhoga (ka ntlha ya go sa direng sentle ga polantere) mola o o ka jalwa fela ka bonako fa bothata jo bo lemogiwa.
Go botlhokwa thata gore tse di tlholang palopalo ya dimela e e bokoa di a lemogiwa gore di tle di baakanngwe le go se boelediwe mo setlheng se se latelang.
<fn>PulaImvula. FinalistOpot.2009-10.tn.txt</fn>
Meja ya kobo e busitswe mme jaanong kwa bofelong re ka bega bafitlhamakgaolakgannye ba bararo ba kabo ya Montshakunothoro yo o Tlhabologang wa 2009. Re rolela Samuel Moloi, William Matasane le Phillip Xaba kola ya tshephe - a sekgele se bonwe ke yo se mo tshwanetseng. Mofenyi o tlaa begwa ka 09 Diphalane, kwa moletlong o o tlaa bong o tshwaretswe kwa Midrand.
Samuel o belegetswe kwa polaseng ya Magdalena ka Mopitlwe 31, 1969, koo rraagwe a neng a dira jaaka modirapolaseng; e le mongwe wa bana ba le robedi. O tsene sekolo mo Mashaeng fela ka fa ntle ga Fouriesburg, koo a weditseng Kereite ya 12 teng.
Mo bongwaneng, Samuel o ne a na le go dira mo polaseng fa go kgonega, mme ka gale a lora a ipona a na le polase e e leng ya gagwe. Samuel o nyetse Diane, yo o leng morutabana mo Fouriesburg mme ba tshegofaditswe ka bana ba le bararo.
Samuel ga a na lefatshe lepe le e leng la gagwe mme a re fa e ne e se ka thotloetso ya setlhopha sa Tlhabololo ya Balemirui sa Grain SA, o ka bo gompieno a se mo temothuong. O kgonne go hira lefatshe la mmu o o nonneng mo Mmasepaleng wa Fouriesburg paka ya dingwaga tse tlhano. O kgonne gape go hira lefatshe la tlaleletso go tswa setlhopheng sa badirapolaseng ba ba nnileng bajaboswa ba porojeke ya ntšhwafatso ya lefatshe ba ba neng ba sa kgone go le dirisa ka bobone. Gajaana, Samuel o ntsha dijalo mo diheketareng tse 375 ka thulaganyo ya thefosano ya mmidi, sonobolomo le korong.
Samuel o tlhaloganya botlhokwa jwa mebu e e boteng mo ntshodikunong ya dijalo. O tsamaya a tshotse borommu mo beneng ya gagwe, a tlhotlhomisa mmu o o siameng o a ka o hirang. Ka gore Samuel a se na lefatshe la gagwe, ga a na loruo lope lo lo neng lo ka lekanyetsa temothuo ya gagwe. Le mororo a dirile dikopo tse dintsi kwa Lefapheng la Merero ya Lefatshe, o iteile sefolletse.
Samuel ke motho yo o bonang ditšhono mme a dira leano go dira lotseno lwa tlaleletso. O na le bodirelo kwa Fouriesburg koo a tlamelang le go thula didiriso tsa gagwe teng le go direla batho bangwe ditiro tsa tlaleletso. O na gape le kgwebo ya go rema le go rekisa dikgong.
O beeleditse mo diterekereng le metšhine, fela thoto ya gagwe ya boleng bogolo ke go itekanyetsa ka batho ba ba nang le kitso ba ba ratang go mo ema nokeng le go mo gakolola. Ga a tshabe go tsaya kgakololo e bile o tshwarelela ka bonako. OVK e tlametse Samuel ka thuso ya ntshodikuno ya dijalo tsa selemo, fa VKB e mo thusitse ka matlole a ntshodikuno ya korong.
Samuel o na le badiri ba leruri ba le babedi mme o kwadiseditse Letlole la Inšorense ya Botlhokatiro (UIF) le Thuiso ya Badiri. Gape o na le letsogo la gagwe la boikanyo - Piniki Hlabu yo o leng rara yo o boineelo le lefika la thuso ya gagwe. Samuel o ikaegile ka ntate Pinki mme o dirisa maitemogelo a gagwe a dingwaga tse dintsi.
Ditlha tse pedi tse di fetileng di ne di le dintle thata mo ntshodikunong ya mmidi mo Foreisetatabotlhaba, fela ga se bantshadikuno ba bantsi ba ba ka ipelafatsang ka thobo ya go feta ditono tse 6 ka heketara mo dingwageng tse pedi tse di tlhomaganang - katlego e motho o ka ipelafatsang ka yona.
Go ntse monate le kgakgamalo go bona tlhabologo ya monna yo - mo dingwageng tse dikhutshwane tse tharo o eme a tlhomogile gare ga banna jaaka montshadikuno wa nnete yo o nang le lorato lwa mmu le temodijalo, gammogo le temogo ya kgwebo e e bogale.
William o belegetswe mo kgaolong ya Winburg koo a tseneng sekolo sa poraemari teng mme morago a tsena sekolo se segolo teng mo Winburg. Morago ga sekolo o ne a dira jaaka moapei mo Aventura Resort kwa Allemanskraal go fitlha ka 2004.
Mo dingwageng tsa bongwana tsa gagwe o ne a thusa rraagwe mo polaseng, mme a nna le lorato lwa bolemirui. Ka madinyana a o neng a a bolokile le ka thuso ya kadimo go tswa Land Bank, William o kgonne go reka polase ya Verblyden mo sedikeng sa Senekal. William, mmogo le mogatse Alina le bana ba bona ba bane, ba nna mo polaseng e.
William ke tokololo ya setlhophathutano sa Senekal mme o tsenetse dikhoso tse dintsi tsa katiso tsa Grain SA. O kgonne go duelela polase e ya diheketara tse 397 gotlhelele. Diheketara tse 253 ke tsa temo mme William o sa ntse gape a hirile diheketara tsa tlaleletso tse 380 tsa phulo ya dikgomo le dinku tsa gagwe. O dumela mo thulaganyong ya temothuo e e tlhakaneng ka maikaelelo a go fokotsa mathata.
William o ne a jetse diheketara tse 84 tsa korong ka 2008, ka bomadimabe e ne e se ngwaga o montle wa korong. Ka lesego setlha se sa dijalo tsa selemo se ne se le botoka thata mme dijalo tsa gagwe tsa mmidi le sonobolomo di lebega bontle thata. William a re o jala mmidi ka gonne o jewa ke sengwe le sengwe - batho, dikgomo, dinku le dikoko! William o sokotse thata go bona kadimo ya ntshodikuno ka gonne a wela mo kgaolong e e sa boneng ditirelo sentle go tswa dikgwebong tsa temothuo.
Fa o bua le William o lemoga ka bonako gore ke monna yo o batlang go atlega. O bonako go dirisa dithekenoloji tse dintšhwa le botoka e bile o fetogetse go mmidi wa BT mme o dirisa dithaene go na le mogoma. Taolomofero mo dijalong e laolwa sentle mme go mo pepeneneng gore William o itse se temothuo e e tswelelang le ya dipoelo e leng sona.
O na le botsalano jo bo siameng le baagisani ba bantshadikuno mme o bua bontle thata ka bantshadikuno ba bagwebib ba bane ba ba mo thusitseng mo dingwageng tsa gagwe mo polaseng.
Philip ke montshadikuno ka tsalo - o belegetswe mo polaseng ka 1952 mme ka dikgakologelo tsa bonyana jwa gagwe ke thuo ya loruo le ntshodikuno ya dijalo.
Ka 1973 Phillip o ne a simolola go dira jaaka mokgweetsi wa terekere mme morago a ya kwa Senwes kwa a dirileng teng dingwaga di le lesome. Phillip o nyetse Julia mme le mororo Julia a na le tirothutego ya gagwe - ke morutabana kwa Kgotsong ka fa ntle ga Bothaville - o tseneletse thata mo ditirong tsa temothuo mme o thusa Phillip thata mo polaseng.
Phillip ke mong wa polase ya Tweespruit e e ka nnang dikhilometara tse 5 go tswa Kgotsong. Ga a nne mo polaseng le mororo ba le babedi ba badiri ba leruri ba gagwe ba nna koo le go tlhokomela loruo.
Phillip o tsene sekolo go fitlha ka Kereiti ya 3, fela go mo pontsheng gore monna yono ga a ikaelela go kgorelediwa ke go tlhoka thutego e e kwa godimo - o itse se temothuo e leng sona mme o dira temothuo ka poelo. Phillip o rata metšhine thata mme o tlhokomela diterekere le didiriswa tsa gagwe tsotlhe sentle.
Ke tokololo ya setlhophathutano sa Kgotsong mme o tsenetse dikhoso tse dintsi thata, jaaka Ntshodikuno ya Mmidi le Sonobolomo; Tlamelo ya Terekere le Didiriso tsa polase; Khoso e e tsweletseng ya Ntshodikuno le Thekiso ya Mmidi; Tshekatsheko ya ditlamelwana le Thulaganyo ya Polase. Phillip o bone kadimo ya ntshodikuno go tswa Senwes.
Polase ya ga Phillip ke diheketara tse 197, mme e dueletswe gotlhe. O kile a bo a na le dithekisi tse a neng a di rekisa go kgona go reka lefatshe le didiriso tse a di tlhokang. O itse gore lefatshe le lennye go mo tsweletsa jaaka montshadikuno yo o feletseng mme o hirile diheketara tse 100 tsa tlaleletso tsa mmu wa temo o o siameng.
Mo setlheng se se tlang, o buisanela go hira diheketara tse 500 tsa tlaleletso go tswa moagisaning yo o se nang kgatlhego ya go lema lefatshe le. Phillip o loga maano mme a dira sentle thata - mme o golagane sentle thata le bantshadikuno ba bagwebi ba tikologo ba ba mo thusang fa a kopa thuso.
Phillip ke montshadikuno yo o bontshitseng gore go a kgonega go dira dipoelo tse di tswelelang mo lefatsheng le lennye - simolola ka go gonnye mme o gole jaaka bokgoni le ditlamelwana tsa gago di letla.
<fn>PulaImvula. FinancialMaize.2009-04.tn.txt</fn>
Byline: Tshedimosetso e baakantswe go tswa inthaneteng.
Bantshadikuno ba bantsi ba itemogetse tshotlego e e boitshegang fa ba leka go bula tshupatlotlo e ntšhwa. Se ke ka ntlha ya gore Molao wa Matlotlo wa Senthara ya Matlhale wa 2001 (FICA) o tlhoka dibanka kgotsa dikgwebo tsa temothuo go nna le tshedimosetso e e kgethegileng ka badirisi botlhe le go baya leitlho le go bega ditirisano tse di belaetsang tse di ka tswang mo dikunong tsa bosenyi.
Lefatshe le fetogile. Koketsego ya bosenyi le borukutlhi e pateleditse dinaga tse dintsi go dira mmogo mo maitekong a go laola petso e. Ditebogo go molao o mošwa le tirisano ya boditšhaba, bathati gajaana ba kgona go itaya disenyi botlhoko fa go botlhoko tota - mo sekgwameng. Disenyi le dirukutlhi di tlhoka madi a seatleng (cash) go tswelela. Di fetolela madi a a seatleng a a kgamathetseng madi a ba a bonang ka tsietso, thekiso ya diritibatsi, go semokola le thukutho go nna madi a a phepa ka go dirisa maina a batho ba ba se nang molato jaaka wena. Se se bidiwang "tlhatso ya madi" (money laundering) mme e bile ga se jele dinaga dibilione ka ngwaga fela, se sa ntse gape se tlamela ka metswedithuso mo borukutlhing jwa boditšhaba go gola. Go kgama kelelo e, puso gajaana e simolotse go diragatsa Molao wa Matlotlo wa Senthara ya Matlhale wa 38 wa 2001.
Go tsamaelana le molao o mošwa dibanka tsotlhe di tlhokiwa go tlhagisa ditirego tse di gagametseng thata mo pulong ya ditshupatlotlo tse dintšhwa. Se se raya gore, gore re tsamae ka fa molaong, di go tlhoka gore o di tlamele ka bopaki jwa itshupo jwa tlaleletso fa o bula tshupatlotlo ya banka e ntšhwa. Molao o sa ntse gape o tlhoka gore tshedimosetso ya sebele ya gago e tlhabololwe gangwe le gape. Ditsamaiso tse di ama e bile di tshwanetse go diragadiwa ke dibanka tsotlhe.
Dintlha tsa megala ka botlalo.
Laesense ya go kgweetsa ya mofuta wa karata e e amogelesegang ya gago.
Gore Banka kgotsa kgwebo ya temothuo e netefatse aterese ya gago ya bonno, o tshwanetse go di tlamela ka setlankana se se amogetsweng se se nang le leina la gago le aterese ya lefelo (dinomore tsa Lebokoso la Poso ga di a lekana) kgotsa nomore ya setsha le motsethoko wa bonno.
<fn>PulaImvula. FinancialMaize.2009-06.tn.txt</fn>
Grabbing quote: Re tlhoka madi go kgotsofatsa ditlhokego tsa sebopego le tshireletsego.
Captions: Setshwantsho 1.
Setshwantsho 1.2: Ntlha ya poelo, tatlhegelo le go lekalekana (break-even).
Kgwebo ke eng Kgwebo e simologa jang Go ya ka tsamaiso ya kgwebo, go botlhokwa go tlhaloganya dipotso tse ka botlalo mme kgannyana e e tlaa dira sona seo?
Go tswa tlholegong ya motho, motho ka gale o tlhoka sengwe go tshela. Dijo, bonno le diaparo ke dingwe tsa ditlhokego tseo. Kwa tshimologong batho ba ne ba tlamela ditlhokego tse tsa bona ka go tsoma, go roba dijalo go tswa dimeleng tsa tlhago le go nna mo dikgageng. Fa batho ba ntse ba tswelela pele, ditlhokego le tsona di ne tsa tswelela pele, mme ditlhokego tsa ntshodikuno le/kgotsa go dira dithoto tsa nna karolo ya botshelo.
Madi ke eng le gona a tswa kae?
Fa sengwe se rekwa, go dirisiwa madi go se duelela. Madi ke pampiri fela e bile ka dinako tse dingwe re gakgamalela gore "pampiri e ka duelela jang dilo tsa boleng". Madi a pampiri a simologile ka tselatiriso ya madi. Mo bogologolong dikananyo di diragetse (go ananya kgotsa go emisetsa sengwe le sengwe ka se sengwe sa boleng jo bo lekanang). Sekao, motho o ne a ka ananya kgomo ka dikgetse tse tlhano tsa mmidi. Bothata jwa mofuta o wa thekisanyo e ne e le gore fa o ne o na le kgomo mme o batla mmidi, o ne o tshwanetse go batla motho yo o nang le mmidi mme a batla kgomo ya gago ka mmidi.
Tirego e, e ne e tlhoka matsapa mantsi. Jaanong batho ba ne ba rarabolola bothata ka go batla sengwe se se neng se amogelwa ke mongwe le mongwe. Sengwe se, e ne e le gouta. Jaanong o ne o ka ananya kgomo ya gago ka 30g ya gouta. Gouta e ne e amogelwa ke mongwe le mongwe. Jaanong batho ba simolola go boifa gore gouta e ba nang nayo e ka utswiwa. Gouta e ne ya bolokiwa mo lefelong le le bolokesegileng mme mmoloki o ne a tshwanela go go kwalela mo sekgemetšhaneng sa pampiri gore o na le gouta e e kana kang mo polokelong. Fa o ne o mmontsha pampitshane e, o ne a go busetsa gouta ya gago.
Jaanong ya nna gore boemong jwa go lopa gouta pele ka sekgemetšhane sa pampiri, ba ne ba ananya pampitshana eo ka se ba se batlang ka gore motho yo ba mo fileng pampitshana, o ne morago a ka ya go lopa gouta eo. Morago batho ba ne ba sa tlhole ba itshwenya ka go lopa gouta ya bona gonne ba ne ba na le sekgemetšhane sa pampiri se se bontshang gore ba na le gouta e e kana kang. Gompieno mongwe le mongwe o amogela madi a pampiri.
Batho ba bona madi jang?
Motho o ka bona madi fela ka go amogela tuelo e a e direlang kgotsa lotseno go tswa kgwebong ya gagwe e e atlegileng.
Mo lefatsheng la segompieno le le tlhabologileng, dikgwebo, ka tlhamalalo kgotsa e seng ka tlhamamalo, di tlamela ka ditlhokego tsotlhe tsa motho. Ditirelo tse di dirilweng kgotsa dikuno tse go tlametsweng ka tsona, di rekisiwa ke dikgwebo mme madi a a bonweng go tswa ditirelong le dikunong tse ke lotseno lwa kgwebo. Dikao tsa dikuno ke dijo, diaparo, dikoloi, fenitšhara le bonno(ntlo). Dikao tsa ditirelo ke ditirelo tsa kalafi, tlamelo ya sekolo le katiso le ditirelo tsa tlhaeletsano. Kgopolo e ya lotseno e sa ntse e gatelela lebaka la gore gompieno motho o tlhoka madi go itlamela ka bontsi jwa ditlhokego tsa gagwe.
Mo tiregong ya go tsamaisa ditirelo le/kgotsa go ntsha dikuno kgwebo e bona ditshenyegelo dingwe.
Ditshenyegelo tsa ntshodikuno ke tiro ya dipholo mme e ka diragala fela fa go na le ntshodikuno. Ka jalo go na le kgolagano magareng ga bogolo (volume) jwa ntshodikuno le ditshenyegelo. Fa montshadikuno a gama dikgomo di le lesome fela, ditshenyegelo tsa ntshodikuno tsa gagwe jaaka dituelo, dilatswa, furu le ditshenyegelo tsa tsamaiso ya mašwi di nna kwa tlase go na le fa a ne gama dikgomo di le 50. Dikao tsa ditshenyegelo tsa ntshodikuno ke monontsha, peo, dibolayatlhatshana, konteraka, melemo ya loruo, dilatswa, leokwane, badiri ba nakwana, materiale wa go phuthela le ditshenyegelo tsa thekiso.
Ditshenyegelo tse di tlhomameng di dira karolo ele ya ditshenyegelo gotlhe, e e sa fetogeng mo thulaganyong ya ntshodikuno e e kgethegileng go sa kgathalasege gore a go ntshiwa go le gogolo kgotsa gonnye. Ka jalo ditshenyegelo tse di tlhomameng ga se tsa ntshodikuno mo pakakhutshwaneng. Fela le gale di ka fetoga mo pakateleleng ka ntlha ya phetogo ya thulaganyo ya ntshodikuno.
Fa montshadikuno a agile bogamelo jwa dikgomo di le 50 (leano la ntshodikuno la gagwe), ditshenyegelo tse di sa tlhomamang tsa gagwe tsa bogamelo jaaka morokotso mo khepetleleng le tatlhegeloboleng ya didiriso, e tlaa dula e tlhomame go sa kgathalasege gore a o e dirisetsa dikgomo tse di lesome kgotsa masometlhano. Fela le gale fa montshadikuno a fetola leano la ntshodikuno la gagwe mme a atolosa bogamelo go tshola dikgomo tse 80, ditshenyegelo tse di tlhomameng le tsona di tlaa fetoga ka gore leano la ntshodikuno le fetogile. Dikao tsa ditshenyegelo tse di tlhomameng ke tatlhegeloboleng (e seng madi), merokotso, dituelelo tsa inšorense, rente le badiri ba leruri. Ditshenyegelo di tlhomamisiwa fela fa di setse di dirilwe. Pele terekere e rekwa, ditshenyegelo tsotlhe tsa terekere di a fetoga. Gangwe fela fa terekere e setse e rekilwe, ditshenyegelo tse di tlhomameng malebana le yona, jaaka tatlhegeloboleng, morokotso, dilaesense le inšorense, di tlhomame. Dintlhana tse tsa tshenyegelo ga di fetoge le dipholo mme ka jalo ga di tlhotlhelediwe ke phetogo mo ntshodikunong mo pakakhutshwaneng.
Tatlhegeloboleng ke tshenyegelo e e seng ya madi ka tlhamalalo, e e amanang le phokotsego ya boleng ya dithoto ka ntlha ya tiriso le go tsofala ga dithoto.
Morokotso ke tshuiso ka madi ka ntlha ya tiriso ya khepetlele ya boditšhaba kgotsa e e adimilweng.
Ditshenyegelo gotlhe ke palogotlhe ya ditshenyegelo tse di tlhomameng tsotlhe le tse di sa tlhomamang tsotlhe mme di bontshiwa mo setshwantshong 1.1.
Poelo e lekana le lotseno fa lo feta ditshenyegelo gotlhe kgotsa ditheko gotlhe kgotsa fa ditshenyegelo di fela lotseno gona go bonwe tatlhegelo.
Go botlhokwa go tlhaloganya gore fa kgwebo e dira poelo, badiri botlhe gammogo le mong ba amogela madi a ba ka a dirisang go tlamela ka ditlhokego tsa bona. Ka jalo dipoelo di tshwanetse di tswelediwe mo pakateleleng, go gatelelwa botlhokwa jwa mekgwatiriso ya temothuo e e tswelelang. Fela le gale fa kgwebo e ka dira tatlhegelo, dilo di ka fetoga. Le mororo badiri ba amogetse dituelo, mong o tlaa bo a se na lotseno, mme o tlaa tshwanelwa ke go sekaseka kgwebo ya gagwe sešwa go fokotsa ditatlhegelo. Dikgato tse di ka akanngwang di ka akaretsa kgaolo ya badiri. Go leba ka molebo o sele, akanya ka setshwantsho se se latelang.
Mo tsamaisong ya nako lotseno le ditshenyegelo tsa dikgwebo tsa temothuo di a oketsega ka ntlha ya lotseno lo lo kwa godimo lwa dikuno (koketsego ya tlhotlhwa) le ditshenyegelo tse di kwa godimo (koketsego ya tlhotlhwa). Fela le gale ntlhakhutlo ya koketsego e ya ka dikhutlo tse di farologaneng, ka jalo phatlha e a tswalega. Go tswelela go nna bokete le go feta go bona poelo. Dikgwebo tsa temothuo ke batsayatlhotlhwa mme ga ba ka ke ba rekisa dikuno tsa bona ka tlhotlhwa e e kwa godimo ka bobona.
Lotseno lo ka okediwa ka ntshodikuno e e kwa godimo go ya ka yunite (mmidi - tono/heketara) le/kgotsa maano a ntshodikuno a a tokafaditsweng (lema/rua ka nepo) le/kgotsa bontshadikuno jo bo oketsegileng. Ditshenyegelo di ka lekanyediwa ka go lwanela ditlhotlhwa tse di kwa tlase tsa ditsenngwateng le/kgotsa maano a ntshodikuno a a tokafaditsweng le/kgotsa go fokotsa ditshenyegelo ka go kgaola badiri le/kgotsa go laola ditshenyegelo ka tiragatso ya ditekanyetso le/kgotsa bontshadikuno jo bo kwa godimo.
Kwa bokhutlong, kgwebo e tlamela ka ditlhokego tsa batho. Kgwebo, le gale, e ka atlega fela fa dipoelo di ka tswelediwa mo maemong a a tswelelang. Fa dipoelo di dirwa mo maemong a a tswelelang mo polaseng mongwe le mongwe o bona mosola go tswa mo poelong. Fa go na le ditatlhegelo tse di tsweletseng mongwe le mongwe mo polaseng o ya go ketefalelwa ka ntlha ya koketsego ya dituelo tse di fokoditsweng kgotsa dikgaolotirong, fela ke mong fela yo o leng mo kotsing ya go latlhegelwa ke sengwe le sengwe go akaretsa le ditsagagwe ka sebele.
<fn>PulaImvula. Fire(maize).2011-05-11.tn.txt</fn>
Mariga a tlaa tsena morago ga selemo le letlhabula tse di bongola thata. Ka ntlha ya setlha se se bongola thata se diphologolo di na le phulo e ntsi thata fela se gape se rayang gore melelo ya naga e ka nna bothata jo bogolo monongwaga.
Melelo e ka tlhola tshenyo e kgolo thata mo dipolaseng. Lotlhokwana lwa mokgwaro lo le longwe lo ka nyeletsa diketekete tsa diheketara tsa lefatshe la temothuo. Melelo e mentsi ya dijalo e diragala pele kgotsa ka bonako fela morago ga thobo ka gonne ka nako e dijalo gantsi di a bo di budule le go oma.
Bana ga ba a tshwanela go tshameka ka mokgwaro.
O se ke wa latlhela mokgwaro kgotsa sekerete se se tukang mo bojannye, matlhareng, dikhing kgotsa setoroing tse di omileng.
O se ke wa gotsa melelo mo nageng kgotsa mo maemong a bosa a a phefo.
Netefatsa gore melelo yotlhe e timilwe sentle.
Fa o bona molelo wa naga, begelela baagisani ba gago le motimamolelo wa selegae ka bonako. Ba bolelele gore molelo o tuka fa kae totatota.
Tlogela mongwe fa gae go ka naya batho tshedimosetso ka molelo. Fa o na le radio kgotsa mogala, a di nne di butswe gore tshedimosetso e ntšhwa e tle e fetisiwe ka bonako fela fa e amogelwa.
Fa o se mong wa polase, mmolelele ka totobalo gore tota molelo o šwa fa kae.
Tlosa le go isa diphologolo le didiriso tsotlhe tsa polase kwa lefelong le le babalesegileng.
Ditimamolelo - metsi kgotsa mohuta wa lorole lo lo omileng.
Dira ditselamolelo ka makgasa a diseterepe tsa rabara kgotsa kgetsi e e metsi. Go betsa molelo ka diseterepe kgotsa kgetsi e e metsi go hupetsa mowa (okosijene)o molelo o o tlhokang go tuka. Fa go se na mowa o o lekaneng molelo o tlaa hupelwa le go tima ka bonya.
Dirisa sepeiti se se sikarwang go kolobetsa dimela le bojang tse di fa pele ga molelo. Sepeiti se se sikarwang se sa ntse se le mosola thata fa o tlhola dikgabonyana tsa molelo fa morago ga molelo o sena go tingwa.
Dirisa didutametsi le pompo ya metsi tse di ka tlamelang ka metsi a a lekaneng.
Dišofole, diharaka le digarawe di ka dirisiwa go dira tsela ya molelo go thibela molelo go anama. Go ka tshubiwa molelo go tloga fa tseleng ya molelo o o tlaa fisang kgatlhanong le botsamaelo jwa phefo. Tsela ya molelo ke sebata se se phepa sa lefatshe se se tshwanang le tsela moo go se nang sepe se se ka tukang.
Dirisa dišofole le diharaka go tima molelo ka motlhaba le mmu. Di dirise gape go tlosa bojang le dikala tse di omileng tse di ka tukang bonolo.
Dirisa diselešase tsa letsogo go sega bojang le dimela tse di sa šwang fa pele ga molelo o o tlang.
Tlhaga molelo go tswa ntlheng e le nngwe kgotsa ntlheng tsoopedi mme o leke go ngotla lepele la ona.
Fa go na le tsela ya molelo kgotsa sithibedi sa tlhago jaaka noka, leka go timela molelo go ya kwa sithibeding seo.
Tlhoma ditimamolelo mo mafelong a a maleba go tima ditlhase tse di rwalwang ke phefo. Phefo e e maatla e ka rwala ditlhase bokgakala jwa khilomitara e le nngwe.
Go botlhokwa gore molelo o iteelwe go ya kwa pilong gore ditlhase di se ke tsa tlolela kwa bojannye le matlhareng a a iseng a šwe.
Ka dinako tsotlhe baya botsamaelo jwa phefo leitlho.
Netefatsa gore ditimamolelo ga di a utlwa botlhoko.
Paterola kgaolo bonnye diura tse tharo go tlhola dikgabonyana.
Busetsa didiriso kwa lefelong le le tshwanetseng.
Tlatsa didutametsi jaaka ditanaka tsa metsi (koloi).
Baakanya didiriso tse di senyegileng.
Mong mongwe le mongwe oo molelo wa naga o ka simololang kgotsa wa šwa mo lefatsheng la gagwe, kgotsa wa anama go tswa mo lefatsheng la gagwe, o tshwanetse go dira le go tlamela tsela ya molelo ka fa lotlhakoreng lwa molelwane wa gagwe magareng ga gagwe le lefatshe le le mabapi. Ke tiro le maikarabelo a gago go netefatsa gore molelo ga o simolole mo lefatsheng la gago. Go tshuba ditsela tsa molelo ke nako e e dirisitsweng sentle mme go ka go sireletsa le polase ya gago (lefatshe, dikago, dijalo le loruo) mo matlhotlhapelong. Beng ba lefatshe le le mabapi ba ka dumelana go dira tsela ya molelo e e tlhakanetsweng go tswa mo molelwaneng.
E se ke ya nna le dilo tse di ka tshwarang molelo wa naga le go ka o tlodisa tsela eo.
<fn>PulaImvula. First-aid.2008-01.tn.txt</fn>
Byline: E baakantswe go tswa go www.health24.com.
Ntlo nngwe le nngwe e tshwanetse go nna le lebokoso la thusopotlako le le tlametsweng sentle. Tshola le lengwe fa gae mme le lengwe le nne mo koloing. Boloka lebokoso mo lefelong le le tsiditsana, le le omileng, kgakala le go ka fitlhelelwa ke bana ba bannye. Netefatsa gore o itse go dirisa dilwana tsotlhe sentle le gore di dirisediwa eng.
Lebokoso la Thusopotlako la fa gae le tshwanetse go nna le eng?
Dintshwana tse di lekanyang.
<fn>PulaImvula. Food.2008-01.tn.txt</fn>
Byline: E baakantswe go tswa go www.health24.com.
Go ja dijo kgotsa go nwa metsi a a kgotlelesegileng go ka tlhola ditshwaetso tse di farologaneng.
Tlholefatsodijo ke lereokakaretso la tshwaetso e e tlhagelelang ka dijo. Ditshupo tse di tlwaelegileng tsa tlholefatsodijo di akaretsa ikhuno ya mala, letshololo, pherogosebete le go tlhatsa. Dibaketheria ke tsona ditlhodi tse di tlwaelegileng tsa tlholefatsodijo, di latelwe ke megare le dipharasaete.
morago ga go tshwara nama, tlhapi kgotsa koko e tala (sa butswang).
Fapa dintlho mo diatleng tsa gago go thibela kgotlelego fa o dira ka dijo.
Fa o sa netefatse gore metsi a babalesegile go a nowa, a bedise pele. Metsi a thepe ka gale a babalesegile, fela metsi a a tswang mo metsweding e mengwe, jaaka dinoka le didiba, ga a babalesega.
Boloka metsi a a babalesegileng mo seduting se se phepa, se se khurumetsweng, go eletsega fa e ka nna setsidifatsi.
Netefatsa gore dinotsididi le matlapanakgapetla a dirilwe ka metsi a a babalesegileng.
Gakologelwa gore fa o thuma kgotsa o tlhapa o se ke wa goduma metsi a a sa babalesegang.
Tlhatswa maalo a a jaaka tafole ya mo boapeelong, khaontara le sinke, pele le morago ga go direla dijo foo. Tshola mafelo a bobeeladijo (jaaka dišelefo le ditsidifatsi) a le phepa.
Phepafatsa mo go tshologileng ka yona nako eo.
Dirisa dikhai tse di farologaneng tse di phepafatsang mo boapeelong le dikarolo tse dingwe tsa ntlo.
Bolaya ditwatsi mo difaatukung, disepontšheng le dikiripotong ka sebolayatwatsi le go di anega kwa letsatsing, mo go thusang go bolaya megare. Fa o na le mmakeroweife, go gotetsa dikhai le disepontšhe disekonte di le 60 go tlaa thusa go bolaya megare.
Tlhatswa bodilo jwa boapeelo bonnye gangwe mo bekeng, ka dikhai tse di dirisediwang sona seo fela.
Tlhatswa, dijana khatlelari le diboto tsa bosegelo sentle - bogolo mo metsing a sesepa a a bolelo a o a tshololang fa a nna leswe thata. Tsokotsa dijana ka metsi a a phepa, fa go kgonega.
Latlha didiriso tse di phanyegileng kgotsa tse di ngapegileng thata. Megare e tshela mo matlereng a dikopi le dijana le mangapo mo diduting tsa polasetiki le diboto tsa go segela.
Dirisa boto ya go segelela go segelela dijo tse ditala. Fa go kgonegang dirisa boto e nngwe go segelela, nama, nama ya koko le tlhapi le e nngwe mo dijong tse dingwe; kgotsa phepafatsa boto ka metsi a sesepa a a bolelo morago ga go segelela mofuta wa dijo mongwe le mongwe. Diboto sa tshegelelo tsa polasetiki kgotsa letlapa ke tsona di babalesegileng mo nameng e tala.
O se ke wa boeletsa didiriso gape morago ga go amana le nama, tlhapi kgotsa koko e tala, go fitlhelela o di tlhatswitse thata. Latlhela matlakala mo motomong o o kgurumelwang o oo tshololang le go o phepafatsa gangwe le gape.
Tshola dipati le difensetere tsa boapeelo di butswe ka fa go kgonegang ka teng go tlamela ka tlhabisamowa e e siameng; se se thusa go thibela tlhogô ya mouta le boswa.
<fn>PulaImvula. GearsMaize.2008-10.tn.txt</fn>
Metšhine e mentsi e dirisa dikere. Sekao se se siameng thata ke sa baesekele, e e nang le dikere tse di e dirang bonolo go e tšhoba, bogolo fa o tlhatloga makgabana. Dibaesekele gantsi di na le leotwana la kere le legolo, le le mametleletsweng terapa le mokawana wa maotwana a kere a bogolo jo bo farologaneng, mo leotwaneng le le kwa morago. Fa terapa e dikolosiwa tšheine e goga go dikologa maotwana a kere a a kwa morago.
Lebelela leotwana la kere le le mametleletsweng le terapa mme o le tshwantshanye ka bogolo le maotwana a kere mo bogareng jwa leotwana la morago. O lemogang ka ona?
Batho ba bantsi ba tlhatlogile makgabana ka baesekele. Fa mokong o konyela thata go nna bokete go tšhoba baesekele mme ka tlwaelo mopalami o tlaa fetola dikere gore go nne bonolo. Fa mopalamabaesekele a fetola dikere, tšheine e tlola go tswa mo kereng e nnye go ya kwa go e kgolo ya meno a mantsi, mme go dira gore go nne bonolo go tšhoba diterapa. Fa kere e e kwa morago e na le meno a mantsi gona go nna bonolo go palamelela lekgabana le fa baesekele e tsamaela kwa pele ka bonya.
Go tlaa diragalang fa mopalamabaesekele yo o tlhatlogang lekgabana a fetola dikere go tswa leotwaneng la kere le legolo go ya go le lennye A go tlaa nna bonolo kgotsa bokete go tšhoba?
Lebaka la gore dibaesekele di nne bonolo go di tšhoba go tlhatloga lekgabana fa dikere di fetolwa ke ka ntlha ya se se bidiwang rašio ya kere (rašio ya bolebelo). Rašio ya kere e ka berekelwa mo popegong ya dipalo mme dikao di bontshiwa fa tlase. Tota rašio e tlhomamisiwa ke palo ya meno mo leotwaneng la kere lengwe le lengwe, tšheine e a itlhokomolosiwa mme ga e tsene mo tekatekanong.
Fa kere ya terapa e dikologa gangwe kere ya seporokete e tlaa dikologa ga kae?
Sekao se se fa godimo se bontsha gore nako le nako fa kere ya terapa e dikologa gangwe kere ya seporokete mo leotwaneng la morago e dikologa gabedi go go dirang bonolo go tlhatloga lekgabana.
Fa kere ya terapa e dikologa gangwe fela kere ya seporokete e tlaa dikologa ga kae?
Fa kere ya terapa e dikologa gangwe fela kere ya seporokete e tlaa dikologa ga kae?
Fa kere ya terapa e dikologa gangwe fela kere ya seporokete e tlaa dikologa ga kae?
Rašio ya kere e ama jang lebelo?
Rašio ya kere e re bolelela gore kere e nngwe e dikologa ka lebelo le le kana kang fa e tshwantshanngwa le e nngwe.
Fa input gear ya rona (ya meno a le 10) e dikologa ka lebelo la 5 rpms mme e gokeletswe mo output gear ya rona (ya meno a 50) output gear ya rona e tlaa dikologa ka 1rpms.
Fa kere e nnye ya rona e dikologa gangwe fela kere e tona ya rona e tlaa dikologa 1/5. Go tsaya medikologo e 5 ya kere e nnye ya rona go lekana le modikologo o 1 wa kere e tona ya rona.
Go ne go tlaa nna jang fa rašio ya kere ya rona e le 1:3?
Mo lobakeng lo input gear ya rona e tona gararo go na le output gear ya rona.
Fa output gear ya rona e ne e ka dikologa ka 20 rpms, modikologo mongwe le mongwe o ne o tlhoka medikologo e 3 ya output gear ya rona. Ntshothata ya rona e ne e tlaa nna 60 rpms.
Mokgweetsi ke kere kgotsa seporokete se se nang le maatla ka tlhamalalo. Mo sekaong sa baesekele motho yo o palameng baesekele ke ene a tšhobang diterapa. Seporokete se setona se diterapa di mametletsweng mo go sona ke sona "mokgweetsi" (se na le maatla) mme seporokete se sennye se se mo leotwaneng la morago ke "sekgweetso". Ga se ka dinako tsotlhe mo se segolo e leng mokgweetsi wa se sennye - bogolo (size) ga bo botlhokwa. Se se botlhokwa ke gore ke mang yo o nang le maatla la ntlha.
Gakologelwa gore fa go na le palo ya diseporokete e e gokagantsweng ka tšheine, di mametleletswe mo šafoteng e le nngwe, go ka nna le seporokete se sengwe se se tlaa nnang mokgweetsi mo tatelanong e e latelang.
Fa o batla tatelano, go botlhokwa go tlhokomela bogolo jwa dikere/diseporokete. Diseporokete di tlhotlhetsa lebelo le šafote e dikologang ka lona. Lebelo la modikologo wa šafote ke lona le le tlhomamisang gore mekheniseme wa peo o dikologa ka bonako jo bo kae, se se tlhomamisang gore go jalwa peo e e kana kang. Fa šafote e dikologa ka bonako, gona go tlaa jalwa peo e ntsi.
Ka nako ya khaliboreišene, fa o ka lemoga gore go jalwa peo e ntsi thata, jaanong o itse gore šafote ya bofelo e e kgweetsang mekheniseme wa peo e dikologa ka bonako mme go tlhoka go fokodiwa lebelo. Tsela e le yosi fela ya go iketlisa šafote ke go fetola bogolo jwa diseporokete tse di amanang le kgweetso ya šafote.
<fn>PulaImvula. Goal.2008-04.tn.txt</fn>
A re latlhegetswe ke maitlhomo?
Go na le madi a mantsintsi a a dirisiwang ke Lefapha la merero ya Lefatshe, Lefapha la Temethuo, Grain Trusts tse di farologaneng, dikgwebo tsa temothuo, ditlamo tse di tlamelang ka ditsennegwateng, mekgatlho ya dikuno ka tlhaolo le mekgatlho e e seng ya puso (go tlhagisa di le mmalwa fela) mo tlhabololong ya temethuo mo Afrikaborwa. Potso e e salang ke gore: a sotlhe se se tlisa ditlamorago tse di baotlegang?
Thlabololo, go akaretsa tlhabololo ya molemirui, ke ka batho. Ke batho ba ba tshwanelang go gola, go tlhabologa, go ithuta le go bona maitemogelo. Tsepamisomogopolo mo tlhabololong ya molemirui ga se ka gore ke mang yo o ka ntshang dithoro tse dintsi, mme segolo ke ka go thusa molemirui go bona bokgoni le kitso tse di tlaa mo kgontshang go dira temethuo ka ikemelo, tswelelo le ka dipoelo.
Fa e le re tota re batla go dira pharologanyo, go botlhokwa go tsepamisa mogopolo mo mothong ka sebele gammogo le morafe le go tlhomamisa gore ke metswedithuso efe e ba nang le yona, le go agelela mo metswedithusong eo. Go bonolo go phasumela fela mo kgaolong, le go tsepamisa mogopolo mo go se batho ba se nang naso le go ikaketsa ka go ithaya o re o a bathusa ka go ba direla sengwe le sengwe se o akanyang gore ba tshwanetse go se direlwa. Go tlaa diragalang fa o sa tlhole o ba direla dilo tseo Re tlhoka go tsaya batho go tloga fa ba leng teng jaanong, ka iketlo le kelotlhoko, re netefatsa gore ba dumelana le diphetogo le ditlhabololo, le go ba isa kwa ba batlang go nna teng?
Go bonala go na le tsepamisomogopolo e e reng "go botoka fa go le gogolo". Boammaaruri ke gore go na le golo gongwe foo batho ba tshwanetseng go simolola teng, le fa e ka nna ka selekano se sennye fela. Go na le batho bangwe ba baleng balemi ba boramojelaganong, ba e bileng ba se na keletso ya go gola go nna sengwe sesele - seo le sona se ntse se siame. Fela gape go na le bao ba ba dirang temo sentle thata le go tswelela sentle ka selekanyo se se botlana ba ka letsatsi lengwe ba yang go nna balemi ba bagolo. Gape go na le bao ba ba dirang temothuo ka selekanyo se segolo e bile ba e dira sentle (fela gape go sa ntse go na le dikgato tse di farologaneng tse dintsi mo magareng).
Fa maiteko a tlhabololo a rona a tshwanetse go tshwanela, re tlhoka go fitlhelela batho kwa ba leng gona le go ba tsaya go tloga teng foo - ga ke kgatlhwe ke go tsaya dikonteraka tse dikgolokgolo, go jala, go tlhokomela le go roba mmeke bo ke bitsa se "tlhabololo ya balemirui" - se ga se tlhabololo e bile go ka bo go le botoka fa dikonteraka di ka bo di hirile masimo ao. Totatota go ne go ka nna botoka mo baleming fa ba ka bo ba hirisedi borakonteraka ba masimo a bona, gonne gajaana ditshenyegelo tsa tiro eno di bonala di le kwa godimodimo go fetisa e bile le rakonteraka o na le diabe mo dipoelong (o ja gabedi fa molemi a ka nna a se ke a ja sepe gotlhelele).
A re boeleng kwa metheong ya maloba mme re tsepamise mogopolo mo tlhabololong ya batho. Fa masimo a gago a dirisiwa ke rakonteraka mongwe yo mogolo, gona akanya thata le ka tshwanelo gore o ya kae le gore go tlaa go tsaya lobaka lo lo kae go nna molemi go na le go nna mohirisalefatshe!
<fn>PulaImvula. Graanprodusent.2008-08.tn.txt</fn>
Bontlhopheng ba le barataro ba ba tla gaisanelang setlhogokabo: Montshadithoro yo o tlhabologang wa ngwaga: 2008, ba setse ba tlhophilwe. Ka Diphalane 17, mofenyi o tlaa itsisiwe kwa moletlong wa mabono o o tshwarwang ke Grain SA.
Deliwe o tsaletswe kwa Kagiso, Krugersdorp ka 1961 mme ke leitibolo la ga Rre le Mme Ntebele. Rraagwe e ne e le molemirui, fa mmagwe e le mooki. Deliwe o nyetswe ke Rre Olebogeng Mutlwane mme ba tshegofadiwa ka bana ba le babedi. O bona thotloetso le kemonokeng go tswa go matsalaagwe le monna wa gagwe.
Deliwe o tsene kwa sekolong sa Poraemari sa Aobakwe kwa Itsoseng mo Porofenseng ya Bokonebophirima le kwa go sa Sekontari sa Reitumetse kwa a feditseng Grade 12 teng. O tsweleditse dithuto tsa gagwe kwa Kholetšheng ya Bethel a dira borutabana mme morago a dira khoso ya N6 ya go bopela le go aga.
Ka 1991, Deliwe o ne a tlogela tiro ya gagwe e a e ithutetseng mme a simolola ka temothuo ya nakwana go fitlha ka 2002 fa a ne a nna molemirui wa leruri. O hirile polase kwa Marotse (Delareyville) mme gape o dira mmogo le matsalaagwe. Ke tokololo ya Setlhophathutano sa Frichgewaagd mo kgaolong ya Delareyville, o tsenetse e bile o sa ntse a tswelela go tsenela dikhoso tse dikhutshwane jaaka Khoso ya Tlamelo ya Terekere le Didiriso tsa polase, Tlhagiso mo Ntshodikunong ya mmidi, Ntshodikuno le Thekiso ya Mmidi e e tsweletseng, Tsamaiso ya Kgwebo ya Temothuo le Tsamaiso ya Porojeke go tswa Grain SA, NWK, Promise Farmer le Business Today.
Deliwe o ntse a le molemi yo o ikemetseng wa sonobolomo le mmidi dingwaga di le nne, gape o na le loruo lwa dikgomo, dikolobe, dipodi le dinku.
Isaac Khuto o tsaletswe kwa Boksburg ka 1944 koo rraagwe a neng a dira jaaka tlelereke mo lebentleleng. Batsadi ba gagwe ba ne ba mo romela kwa Ficksburg a le dingwaga di le pedi go nna kwa polaseng ya ga rangwaneagwe le rakgadiagwe kwa a goletseng teng. O gakologelwa gore o simolotse go disa dinku a le dingwaga di le supa e bile o sa ntse a gopola monkgo ole wa bojang sentle mo mosong, fa loapi lo ne lo apogile sentle thata e bile a kgona go bona dithaba tsa kwa Lesotho. Ba ne ba tlhola ba bogetse diterekere di lema masimo ka fa Lesotho mme a aga a ipotsa gore go ka utlwala jang go e kgweetsa.
Isaac o tsene mo sekolong sa dipolase mme morago a tsena sekolo sa Sekontari kwa Ficksburg kwa a falotseng Grade 8 teng. O diretse ba ga Frasers kwa Ficksburg dingwaga di le lesomepedi. Ka a ne a setse a na le kgatlhego mo kgwebong o ne a simolola go gweba ka boena ka go reka le go rekisa merogo le maungo. Fa kgwebo e ntse e gola, o ne a kgona go reka thekisi ya ntlha ya gagwe mme o ne a kgona go tsweletsa kgwebo e pele magareng ga 1978 le 1998. Ka 1983 Isaac o ne a bona tšhono mo kgwebong ya baamogelabaeng mme a reka sekahotele. O santse a na le yona hotele e, e bile o na le laesense ya nnotagi.
Mo botshelong jwa gagwe, Isaac o kile a nna ramabole wa porofešenale. O simolotse jaaka magogorwane ka 1960 mme morago a nna wa porofešenale. A re: "Mo mosakong wa mabole ke ka wena fela le bokgoni jwa gago", - mme ke teng kwa a ithutileng teng go iikanya. "Ga gona kwa o ka iphitlhang teng kgotsa o ka sielang teng mme o ithuta go lebagana le botshelo", ga rialo Isaac. O sa ntse a katisa kwa Ficksburg Boxing Club, o kile a nna modulasetilo wa Free State Boxing Club mme gajaana ke modulasetilo wa Porofense wa Tshwaragano ya Mabole ya Foreisetata. Gape ke modulasetilo wa Setlhophathutano sa Imperani sa Grain SA mo Ficksburg.
Ka 1988, Isaac o ne a reka polase ya Diyatalana ya 230 ha, mme a simolola ka tiro ya gagwe ya go nna molemirui. O ne a ratile go reka polase yotlhe ya 460 ha, fela a boifa go dira molato o mogolo - polase e ne ya kgaoganngwa dikarolo tse pedi mme o ne a reka halofo e nngwe. Ka 2006 o ne o kgona go hira diheketara tse dingwe tse 65 tsa mmu wa temo wa kgono e e kwa godimo gaufinyana le ena.
Ka setlha sa 2007/2008 Isaac o robile thobo ya palogare ya 3,5 tono ka heketara ya korong mo diheketareng di le 79, mme le mororo go na le tshenyo e kgolo ya sefako mo mmiding wa gagwe, dijalo tse di mo masimong di sa ntse di siame.
Isaac o nyetse Lerato mme ba tshegofadiwa ka morwa le barwadi ba le babedi.
Maphale o tsaletswe mo polaseng ya Magdelena, koo rraagwe a neng a dira jaaka modiri wa dipolase, mo sedikeng sa Fouriesburg ka 1969. Ba ne ba le bana ba le robedi - basimane ba babedi le basetsana ba barataro. Maphale o tsene sekolo mo motsesetoropong wa Mashaeng ka fa ntle ga Fouriesburg, koo a weditseng Grade 12. Ka mafelo a beke o ne a ya polaseng e e gaufi ya ga Rre Linde du Plessis, koo a neng a kgweetsa terekere le go thusa teng. O ne a bona ka moo Rre Du Plessis a neng a bereka mmu ka teng mme a eletsa gore o ka re le ena ka lengwe la malatsi a ka nna le polase ya gagwe. "Rre Du Plessis o nthusitse thata go rotloetsa kgatlhego ya me mme ka reetsa Mme Jane McPherson ka tlhoafalo fa a bua mo Lesedi FM ka temo ya dithoro, mme ke ne ka rotloetsega thata go diragatsa toro ya me," ga rialo Maphale.
Maphale o diretse Lefapha la Merero ya Selegae kwa Kgorong ya Molelwane ya Fouriesburg go tloga ka 1993 - 2007. Ka 1996 o ne a simolola temothuo ka dikgomo le dinku mo lefatsheng la morafe kwa Fouriesburg. Ka 2004 o ne a hira lefatshe la diheketara tse 30 mo molemiruing wa mogwebi Rre Osborne mme a jala mmidi. Ka 2006 o ne a hira lefatshe la diheketara tse 4 179 go tswa go Mmasepala wa Fouriesburg mme ke teng fa a dirang temothuo ya gagwe teng gajaana. "Gongwe monongwaga ke ka kgona go hira lefatshe la mmu wa kgono e e kwa godimo la diheketara tse 400, fela Grain SA e tlaa tshwanelwa go tla go bona mmu wa teng pele," go rialo Maphale.
Maphale o nyetse Dianne mme ba nna kwa Mashaeng le bana ba bararo ba bona.
Boy o tsaletswe mo polaseng kwa kgaolong ya Middelburg ka 1948 koo rraagwe a neng a dira jaaka modiri wa polase. O tsene mo sekolong sa selegae kwa a falotseng Grade 5. Ka nako e rraagwe o ne a le molemirui wa nakwana mo lefatsheng la morafe la kgaolo ya Vlaaklaagte. Boy a re o gakologelwa a dira le rraagwe ba lema ka dipholo.
Ka 1981 Boy o ne a simolola temothuo ka boena mo lefatsheng la 10 ha le a neng a le hirile mo pusong. Moragonyana o ne a bona phatlha ya go newa 50 ha mo kgaolong ya Vaalspruit (gaufi le Bronkhorspruit). Gajaana Boy o dira temothuo mo lefatsheng la 545 ha le a le hirileng mo pusong mme gape o hirile 300 ha ya mmu wa temo o o siameng mo baleming ba baagisani. Monongwaga o lemile mmidi mo lefatsheng le lotlhe le. Boy gape o na le motlhape wa dikgomo tse 300 tse a di fudisang mo lefatsheng la morafe mo selemong le mo masimong a mmidi mo marigeng.
Boy o nyetse Lina yo o sa leng a le moratiwa wa gagwe go tswa malatsing a bona a sekolo mme ba na le bana ba le bane. Ke tokololo e e matlhagatlhaga ya Setlhophathutano sa Grain SA mme o setse a tsenetse Khoso ya Ntshodikuno ya Mmidi, gammogo le Khoso ya Tlamelo ya Terekere le Didiriso tsa Polase. Mo dikgweding di le mmalwa tse di tlang, o tlaa tsenela Khoso e e tsweleletseng ya Ntshodikuno ya Mmidi le Thekiso, gammogo le Khoso ya Tsamaiso ya Kgwebo ya Temothuo.
Rraagwe Labious o ne a tswa kwa Koppies mo Foreisetata. O ne a ya go aga kwa Lombaardslaagte koo Labious a tsaletsweng teng ka 1948. Ke mongwe wa bana ba le lesomepedi. Rraagwe o ne a lemoga fa ba agile mo lefatsheng la temo le le mafura mme a simolola go lema ka dipholo. "Lorato lwa me la temothuo ke sengwe se ke jang boswa go tswa mo go rre," ga rialo Labious.
Labious o falotse Grade 8 ka 1966, mme morago a wetsa Khoso ya boagi ka 1969. O agile dikolo mo Mafikeng go tloga ka 1970 mme a bereka kago ya ntlha ya gagwe ya metlhatlagano e mebedi gona mo Mafikeng. Morago o ne a direla Lefapha la Ditiro tsa Setšhaba.
"Ka ntlha ya lorato lwa me lwa temothuo ke ne ka simolola go dira temotho nakwana ka 1975. Ke ne ke na le 15 ha ya lefatshe le e leng la me (mo kgaolong ya morafe) mme ka hira diheketara tse dingwe tse 30," ga rialo Labious. Ka nako e a neng a direla Lefapha la Ditiro tsa Setšhaba o ne a na le tshwanelo ya malatsi a khunologo a le 30 ka ngwaga. O ne a netefatsa gore o tsaya khunologo ya gagwe ka nako ya setlha sa jalo gore a kgone go itlhokomelela jalo ya dijalo tsa gagwe. Labious o ne a na le modiredi a le mongwe mme mmogo ba ne ba dira bosigo le motshegare ka nako ya setlha sa jalo - ka Massey Ferguso 65 ya gagwe. "Ke ne ke dira kwa toropong mo gare ga beke mme mafelo a beke ke tla gae go tlhokomela tsa temo," ga rialo Labious.
Kgwebo ya gagwe ya temothuo e ne ya gola mme go tloga ka 1991 o ne a nna mo polaseng mme a tsogelela go tswa teng go ya tirong letsatsi le letsatsi. Labious o dirile temothuo a ntse a dira go fitlha 1996 ka nako e a neng a bereka 500 ha. Labious o ntse a dira temothuo ka botlalo go tloga ka 1997 mme gajaana o jala go tsamaela 1 000 ha.
Samuel o tsaletswe mo polaseng mo sedikeng sa Reitz ka 1944 koo rraagwe a neng a le modiri wa polase. Ke mongwe wa basimane ba le batlhano kwa ga gabo. Samuel o tsene sekolo kwa Reitz mme a falola Grade 8. Morago o ne a ya kwa Johannesburg mme a direla setlamo sa enjeniering dingwaga di le thataro jaaka modiri fela. Samuel o ne a hudugela kwa Phuthaditjhaba mme a bula lebentlelenyana la korosari. "Ka gore ke tsaletswe mo polaseng, keletso ya me ka dinako tsotlhe e ne e le go nna molemirui, mme e rile fa ke bona tšhono ya go hira polase mo sedikeng sa Kaallaagte ka 1997, ka se ke ka senya nako," ga rialo Samuel. O ntse mo polaseng dingwaga di le tharo. Ka 2000 o ne a reka polase ya Lorelei mo sedikeng sa Paul Roux a dirisa kabo ya R30 000 le kadimo go tswa Landbank.
"Go ntse le dinako tse di bokete, fela monongwaga ka thuso go tswa Grain SA le OVK, ke kgonne go feleletsa kadimo ya ntshodikuno ya me kwa OVK mme gape le ya Landbank e bile ke sa ntse ke na le madi a a setseng go jala 30 ha ya korong," ga rialo Samuel.
<fn>PulaImvula. Harvest.2007-12.tn.txt</fn>
Jane McPherson, Motsamaisilenaneo wa Lenaneotlhabololo la Grain SA.
Ditshwantsho tse di patileng kgang e di bontsha matlhotlhapelo a a ka welang molemakorong fa dithulaganyo tsa tshwaragano tsa gagwe di se mo maemong. Ditshwantsho tse di tserwe ka Tlhakole mo masimong kwa Kapabotlhaba - korong ga e ise e ke e rojwe, mme masimo a tshwanela go jewa ka molelo!
Ke maswabi a magolo thata gore morago ga ngwaga wa tshemelelo o bo o sa kgone go isa dithoro kwa sefaleng, mme go tshwanetse go tsewe matsapa otlhe go efoga tiragalo ya mofuta o.
Ka bomadimabe korong ke sejalo se se tshwanetseng go rojwa ka metšhine go kgobokanya thobo yotlhe le go godisa seemo, mme go tlaleletsa, dirobi tsa korong di a itsamaisa mme se se raya gore ke motšhine o o turang bobe. Peoseemo ya korong e botlhokwa mo tlhotlhweng ya yona e bile korong ke sejalo se se latlhegelwang ke seemo (grade) ka bonako le ka bonolo fa e sa robiwe ka nako e e nepagetseng. Korong e tshwanetse go robiwa ka bonako jo bo kgonagalang, ka gore pulanyana e nnye e e ka nelang korong e e buduleng e tlaa bo e lekane go diga kereite ya korong le go dira ntshodikuno ya korong go tlhoka dipoelo.
Bontsi jwa balemipotlana ba tshwanelwa ke go ikanya dikhombaenara tsa konteraka go roba dijalo tsa bona. Go na le mathata le dikgwetlho tse di mmalwa mabapi le se: (Morobi wa konteraka).
Gantsi o tsena mo ditumelanong le balemi go sa le gale mo setlheng.
O rotloetsega go saena konteraka ya diheketara ka bontsi jo bo kgonegang gonne seo ke lotseno mo go ena.
Ga a kgone go bonela pele gore e tlaa na leng le kae mme ka jalo o ka diegisiwa ke se.
O rata thata go roba masimo a magolo a a se nang dikonturu gonne motšhine o kgona go dira diheketara di le dintsi ka letsatsi, ka o sa boaboe gaufi mo tshimong.
Ga a battle go emela dithereilara.
O duelwa go ya ka palo ya diheketara tse a di robang e seng go ya ka kereite e molemi a e boneng.
O kopana le mathata a go ema - fa metšhine e dira ka thata dithobego di nna gona, mme seo ke se se ka se bonelweng pele.
Ga se ka gale a boning dikarolo tsa metšhine gonne tsotlhe tse di diragala ka boKeresemose le Ngwaga o Mošwa, foo batho ba le bantsi ba ratang go tsaya khunologo.
Dira dithulaganyo le rakonteraka nako e sa le teng.
Leka go netefatsa gore rakonteraka ga a ikimetsa tiro.
Netefatsa gore go na le matlapa a le mmalwanyana fela mo tshimong ka fa go ka kgonegang ka teng ka gore a senya tafole ya serobi.
Rulaganya go nna le bontsi jo bo lekaneng jwa dithereilara gore tirego yotlhe e se kgorelediwe.
Direla korong bobolokelo fa e le e sa kgonwe go rorelwa kwa difaleng ka tlhamalalo go tswa mo tshimong.
Dira dithulaganyo le difala tsa selegae mabapi le go omisa korong, fa e le go ka bonala se se tshwanelwa go dirwa.
Go na le dilo tse pedi tse di itumedisang thata ka setlha sa thobo-phelelo ya modliko o le mongwe wa ntshodikuno ya dijalo le gape tshimologo ya setlha se sengwe. Mo baleming ba ba ntshang korong mo Foreisetata, ntlha yotlhe ya tshomarelo ya bongola mo mmung e bonala le yona ntlha ya botlhokwatlhokwa ya tirego yotlhe ya ntshodikuno ya korong mo legoleng la selemo.
Botlhokwa jwa go somarela bongola mo mmung ga bo ka ke jwa gatelelwa go feta fa. Tirego e e tshwanetse go simolola ka bonako fela morago ga thobo ya sejalo se se fetileng.
La ntlha ke merwalela e e leng ditlamorago tsa boalogodimo jo bo thata gore metsi a ka nwelelela kgotsa pula ya matlakadibe e e sa lething nwelelelo.
La bobedi ke tero ya khaphlari - se ke motsamao wa metsi go ya kwa godimo kwa boalogodimong koo a ka mowafalang le go latlhegela mo lefaufaung. Se se direga fa boalogodimo bo katisegetse le go nna thata.
La boraro ke kgaisano e e diriwang ke mefero - mefero mo tshimong e dirisa bongola jo wena jaaka molemi o lekang go bo bolokela sejalo se se lateleng.
O tshwanela go tsamaisa masimo a gago sentle go tswa nakong ya thobo e e fetileng go ya nakong ya jalo go ne tefatsa gore o somarela metsi mo mmung ka bontsi jo bo kgonegang. Katlego ya sejalo se se latelang e mo magetleng a gago.
<fn>PulaImvula. Hat(maize).2011-01-12.tn.txt</fn>
Grabber: Go khurumetsa mmu o o botlhokwa wa gago e ka nna selo se se siameng thata!
Fa motho o akanya gore dipalopalo tse di bontshang gore dilekanyo tsa monono wa mmu mo borwa jwa Aforika di wela tlase le diteng tsa dibodi tsa mmu mo temong e e seng ya nosetso di a fokotsega, gona hee, go setse go na le mabaka a a siameng a mantsi go akanya ka mesola ya go jala dijalo tsa khurumetso, bogolosegolo fa dipula tsa morago kgotsa ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa ditsenngwateng le ntshokuno tse di oketsegang - diponagalo tsoopedi tse di itemogelwang mo setlheng seno, di ka thibela montshakuno go jala mmidi.
Le mororo dijalo tsa khurumetso di dirisiwa mo dithulaganyong tsa thefosanyodijalo mo dingwagakgolong tse dintsi, bantshakuno malatsing ano ba bonala ba tlwaetse go dirisa menontsha le dibolayatlhatshana. Tsibogo e e golang ya go tlhoka go somarela tikologo e bontsha fa bantshakuno ba segompieno ba boela gape kwa thefosanyong ya dijalo tsa khurumetso ka ntlha ya mosola o di o nayang.
Popego ya mmu e tokafala nako nngwe le nngwe fa semela se tlhoga medi le go golela mo mmung o o katisegetseng. Mmu o nna marose mme ka jalo o kgona go monyela le go tshwara bongola botoka. Fa tshimo e tlogelwa lobaka lo loleele e sa lengwe, boalogodimo bo a katisegela le go baka gore metsi a botlhokwa a fete fela mo godimo. Dijalo tsa khurumetso di sireletsa boalogodimo mo letsatsing le le bogale le ona mmu jaaka kobo mme ga di fokotse fela dilekanyo tsa katisegelo fela gape di tlhola ditshetsana tse di tshelang jaaka menopi e e tshelang mo metherialeng ya dimela e e bolang.
Dijalo tsa khurumetso di thusa go tshwaraganya mmu ka go dira gore tatlhegelo efe le efe ya mmu ka ntlha ya metsi kgotsa phefo ka ntlha ya kgogolego e fokodiwe thata.
Bontsi jwa dijalo tsa khurumetso bo neelana ka metswedi ya tlhago ya menontsha ya dibodi e e nonneng. Menawa e tlaleletsa ka naeterojene e e botlhokwa thata mo mmung.
Bothata jo bo atileng jo bantshakuno ba rakanang le jona ke tlhaelo ya dikotla bogolosegolo kotla ya N le P. Se se ka rarabololwa bonolo ka go dirisa monontsha o o baakanyang fela bantshakunopotlana ba ba se nang gona gale ga ba kgone go tlhopha ikgethelo e, jalo thefosanyo ya sejalo sa khurumetso e nne tharabololo e e tlhotlhwa e e tlaa godisang poelo ya seikonomi le monono wa mmu. Go dumelanwa ka kakaretso gore ka go dirisa sejalo sa monawa sa selemo jaaka "cow peas" mo modikong wa thefosanyo le sejalo sa mmidi, thobo le ntshokuno di ka tokafala, monono wa mmu o a godisiwa mme ditshenyegelo tsa monontsha di ye tlase.
Sekhi se se kitlaneng sa dijalo tsa khurumetso jaaka "cow peas" kgotsa "teff grass" se beela mmu moriti kgatlhanong le letsatsi mme gape se hupetsa mefero e e neng e ka gola ka go phorosela.
Mo mabakeng a mangwe foo go jetsweng dijalo tse di jaaka "cow peas" le "teff" dijalo tse ga di tswele mmu mosola fela mo setlheng seo go sa jalwang dijalo tsa mmidi, fela gape se naya montshakuno mosola wa furu ya loruo lwa gagwe, e e tla nnang botlhokwa mo setlheng sa komelelo se se tlang.
Dijalo tse dintsi di dira ditshenyegelo tsa thoro go tswa mo tshimong e di ntshitsweng mo go yona go ya kwa lefelong la thekiso (mmaraka) fa e le gore dijalo tsa khurumetso tsona gantsi di gololosegile ka gore gantsi di jalelwa go dirisiwa foo di jetsweng teng kgotsa bonnye mo legaeng la polase ka bolona.
Se tshwanetse go jalwa leng?
Maikaelelo a tiriso ya sona ke eng?
Ke dijalo tsa khurumetso dife tse di dirang sentle ka tlhago mo kgaolong ya gaetsho?
A tshimo e e tlhoka sejalo sa khurumetso sa monawa kgotsa se e seng sa monawa Gakologelwa gore dijalo tsa khurumetso tsa monawa di oketsa dilekanyo tsa naeterojene ka go e gopa go tswa lefaufaung, fa e le gore dijalo tse e seng tsa monawa di tlaa dirisa naeterojene ya mmu e e teng le dikotla tse dingwe?
Dijalo tsa monawa dingwe tse di kgonegang ke : dišukabini, disoyabini, losereng, "field peas" kgotsa "cow peas" tlolouba, j.j. fa e le gore dijalo dingwe tse e seng tsa monawa e le "teff grass", rae, outsu, korong, thenepi, furu kgotsa rediše ya Japane.
"Cow pea" ke sejalo sa selemo se se nang le kemelano le komelelo le mogote. Ke semela sa ngwaga le ngwaga se se golang bogodimo jwa 80 cm mme se tlhome moditona o o thata go ya tlase. Se gola monate mo mebung ya motlhaba o o bokoa. Se mosola thata mo mmung ka gore se kgona go jalwa mo mebung e e humanegileng naeterojene kwa ntle ga go tlaleletsa ka monontsha mme sa botlhokwa bogolo, se maatlametlo magolo thata mo bathong le diphologolong ka gore matlhare, matlape le peo ya sona di na le bolengkotla jo bo kwa godimo. "Cow peas" di sa ntse gape di ka omisiwa le go bolokwa ka katlego.
Tlhomomogopolo mo teff - se se seng monawa.
Mafulo a a jetsweng a ke semela sa ngwaga se se butswang ka bonako le go gola mo pakeng ya dibeke tse 8 - 12. Se itumelelaa maemo selemo a a lola le go gola sentle mo mebung e e monyegileng sentle. "Teff" e dira sekhukhu se se gaisang sa mmu mme go gola ka motlele ga sona go hupetsa mefero e e sa batlegeng. Se dirisiwa thata jaaka setoroi mme se kgonwa go ka segwa gabedi mo setlheng se se siameng. Setoroi se tshwanetse go segwa fela pele se ungwa gape.
Dikgonagalo tse di tlhagisiwang ke dijalo tsa khurumetso tsa thefosanyo tse di jalwang mo setlheng se se metsi fa montshakuno, ka ntlha ya lebaka lengwe fela a paletswe ke go jala dijalo tsa gale tsa gagwe mo setlheng se se metsi, go itumedisa thata. Bantshakuno mo lefatsheng ka bophara ba itsege ka go bitsa dijalo tsa khurumetso tsa bona "hutse ya lefatshe" ka ntlha ya tshireletso e di e nayang mmu wa bona. Ammaaruri, go baya mmu wa botlhokwa wa gago mo tshireletsong, e ka nna selo se se siameng thata.
<fn>PulaImvula. Heart.2010-01.tn.txt</fn>
Grain SA, e tsamaisa Lenaneotlhabololo la Balemirui le le tlamelwang ka matlole ke Maize Trust, Oil and Protein Seeds Development Trust, Sorghum Trust le Winter Cereals Trust ka maikaelelo a go tlamela bantshakuno ba Aforikaborwa ka kitso ka katiso le ka tirelo ka dipopegotheo tsa kemonokeng tsa tiragatso tse di ka fitlhelelwang bonolo.
Ka ntlha ya fa Grain SA e na le setlhopha sa baitseanape ba ba emeng sentle go neelana ka bokgoni le thuto tse di kwa godimo mo bantshakunong ba bantšhwa ba Aforikaborwa, e simolotse go amogelwa ka bonako jaaka moeteledipele mo lephateng la Tlhabololo ya Bantshakuno mo nageng eno. Ditokololo tsa Grain SA di dumela gore lenaneo le le tlaa thusa mo tiregong ya ntšhwafatso, ka go tlamela batho ba ba neng ba gateletswe mo malobeng go ka gaisana ka tekatekano mo madirelong a dithoro. Go botlhokwa le gale go tlhaloganya gore Grain SA ke mang, le seabe se e se dirang ka bophara mo temothuong mo Aforikaborwa.
Grain SA ke mang?
Grain SA ke mokgatlho wa baithaopi o o tsepamisitseng mogopolo ka kgethego mo madirelong a dithoro a bosetšhaba le boditšhaba. O tsepamisitse mogopolo mo kgodisong ya dikgatlhego tsa bantshakunothoro botlhe ba Aforikaborwa.
Montshakunothoro yo o lemang gajaana mongwe le mongwe, yo o tiisang maitlhomo a Grain SA, o na le tshwanelo e bile o rotloediwa go tsenela botokololo jwa mokgatlho morago ga go duela tuelo ya botokololo e e batlegang.
Grain SA e na le seabe sefe mo tikologong ya temothuo ya Aforikaborwa?
Grain SA ke mothati mo madirelong a dithoro a bosetšhaba le a lefatshe mme maikaelelo a yona ke go dira jaaka sebueledi sa bantshakunothoro botlhe ba Aforikaborwa ka tsela e e leng gore e godisa dikgatlhego tsa bantshakuno le mafaratlhatlha ka bophara jwa madirelo a dithoro.
Grain SA e dira jaaka leletamotse mo madirelong e bile e itsenya mo ditiregong tsa go dira pholisi le tshwetso tse di amang dikgatlhego tsa bantshakuno tsa dithoro, mo boemong jwa ditokololo tsa yona. Grain SA e amega ka mafolofolo mo go tlhagisetseng puso melebo le dikakanyo tsa bantshakuno le go dirisana le puso go rarabolola mathata le molaokakangwa.
Tsepamisokgopolo ya motheo ya Grain SA, ke go gabalalela ntshokuno e e nonofileng le tikologo ya mebaraka e e sa gobeleleng ya dithoro. Mokgatlho o sa ntse o amega thata mmogo le bannaleseabe ba bangwe mo motseletseleng wa boleng go tokafatsa bogaisanedi jwa madirelo a dithoro ka bophara mo go gaisaneng le bannaleseabe ba boditšhaba ba bagolo jaaka USA le Brazil.
Ditlhopha tse di dirwa ka badiredi ba Grain SA, baitseanape, bantshakuno ba ba kgethegileng mo Khuduthamageng.
Go tlhatlhobela bantshakuno ba bantsho tikologo le go gabalalela go godisa go tsena mo ntshokunothorong le mabala a borekisi. Setlhopha se gape, se sa ntse se beile tiro ya Lenaeneotlhabololo la Molemirui, leitlho.
Go mo pepeneneng gore le mororo Grain SA e ka se ke ya tlamela ditokololo tsa yona ka thuso ya matlole, e tlamela montshakunothoro mongwe le mongwe mo nageng ka kemonokeng le boitseanape jo bo tlhokegang thata. Ditiro tsa mokgatlho o, di kgontsha bantshakuno go tsepamisa kgopolo mo go se ba se dirang botoka go gaisa - e leng go jala le go rekisa dithoro! Go botlhokwa thata mo bantshakunothorong botlhe go tlhaloganya gore Grain SA e neelana ka mo gogolo go feta thuto le katiso!
Montshakunothoro mongwe le mongwe wa Aforikaborwa o tshwanetse go gabalalela go nna tokololo e e tletseng ya Grain SA ka dithata tsa go tlhopha tse di tletseng. Grain SA ke matlho, ditsebe le molomo wa bantshakunothoro botlhe mo tikologong ya temothuo e e oketsegang go nna matswakabele, e e itemogelang kgatelelo e e oketsegang go tswa dithateng tse di ka fa ntle jaaka kgaisano ya lefatshe lotlhe. Fa se e le kgwetlho mo montshakunothorong yo o itshetletseng, go ka nna bokete go le kae mo montshakunothorong yo montšhwa go itshetlela jaaka montshakuno wa mogwebi yo o atlegileng le yo o tswelelang Kwa ntle ga kemonokeng ya moitseanape, popegotheo e e itshetletseng jaaka Grain SA, thaotho le tshireletso ya dikgatlhego tsa bantshakunothoro botlhe ba naga e, di tlaa bo di le mo mathateng?
<fn>PulaImvula. HelpMaize.2009-05.tn.txt</fn>
Nthuse tsweetswee - ke batla go dira temothuo!
Go na le bantshadikuno ba le bantsi ba ba re founelang ka kopo e - "Nthuse tsweetswee, ke batla go dira temothuo". Bangwe ba batho ba ga ba na sepe gotlhelele, fa bangwe ba na le lefatshe le didiriso. Temothuo ke kgwebo, mme malatsing ano go tsamaisa kgwebo go bokete - o tshwanetse wa bo o tlametswe sentle, o ineetse le go nna le kitso.
Mo go bao ba fisegelang go nna bantshadikuno, mme ba se na lefatshe kgotsa metšhine, bothata bo bokete le go feta. Fela le gale gakologelwa gore ga o tlhoke go nna mong wa lefatshe go nna montshadikuno. Mo boammaaruring, lefatshe lotlhe le re le adimilwe - re batlhokomedi fela ba lefatshe mme fa re swa lefatshe le tlaa sala. Fa e le gore o tlhoafetse ka temothuo, bona lefatshe, le fa e ka nna la bonnye jo bo kana kang, mme o simolole. O ka hira lefatshe (gakologelwa gore lefatshe la poraefete le ka hirwa mme gape bontsi jwa bommasepala ba selegae ba na le lefatshe la botlhe le le tshwanelwang go ka bonwa ka khiro). O tshwanetse go simolola mme o tshwanetse go diragatsa - o ka se ke wa nna montshadikuno go tswa fela mo dibukeng, ka gore tiori ya temothuo ga e katle tlhogo jaaka tiragatso ya yona.
Selo se o se tlhokang se se latelang ke kitso - temothuo e na le mefama e mentsi. Go ya fela ka mofuta wa temothuo o o batlang go o dira, o ka tlhoka go itse ka dimela (dijalo tsotlhe tsa dithoro le dipeo tsa oli, merogo, furu le faeba), diphologolo (diruiwa tse dikgolo, diruiwa tse di potlana, dikoko, diphologolo tse di tlhaga le dikolobe), metšhine (diterekere le dipolantere, dikgatshi le ditlamelo tsa tshugommu) le sa botlhokwa thata o tlhoka go itse ka tsamaiso ya ditlamelwana tse o yang go di dirisa (madi, batho, metšhine le dimetheriale).
Fa o na le tetla ya tiriso ya semikana se sennye fela sa lefatshe, le fa e ka nna heketara kgotsa tse pedi simolola go dira. Fela fa o setse o simolotse, o mo tseleng ya go nna montshadikuno wa mogwebi. O ithutile ka tsela e e nepagetseng ya go dira sengwe le sengwe - se dire ka tsela e e nepagetseng. Ka bomadimabe re lemogile gore batho ba ithuta go dira dilo ka tsela e e nepagetseng, sebe sa phiri ke gore ba sa ntse ba tswelela go dira ka yona tsela ele ya bogologolo. Oprah Winfrey a re: "fa batho ba itse botoka ba dira botoka". Fa o ithutile go tsaya dikaommu go sekaseka seemo sa dikotla sa mmu wa gago - dira jalo! Fa dikatlanegiso tsa monontsha di boela kwa go wena - dirisa monontsha o o nepagetseng (le fa e ka nna mo heketareng ya gago e le nngwe). Reka peo e e nepagetseng, netefatsa gore o jala palo e e nepagetseng ya dimela mo moleng le gore katologano ya mela ya gago e nepagetse. Laola mefero ya gago - mefero ke mmabamogolo wa maemo a ntlha mo temong ya dijalo, e utswa mo dijalong tsa gago! E utswa metsi, dijo, lesedi la letsatsi le mowa - ga go ope wa rona yo o ka kgonang go letla dilo go utswiwa mo go ena, tota le tsona dijalo tsa gago ga di kitla di itshokela bogodu.
Fa o netefatsa gore o tlhaloganya gore go tlhokega go dira eng mo temothuong, gona ke nako jaanong ya go oketsa, bogolo jwa masimo a o a dirisang. Re utlwa batho ba bantsi ba ngongoregela gore ba na le lefatshe le lennye go dira temothuo mo go lona - a setsekanyana se o nang naso o se dirisa ka botlalo Kgotsa a gongwe o ka bo o ntsha go le gogolwane mo lefatsheng le lennye le o nang nalo A o dirisa kgakololo yotlhe e o e bonang - gakologelwa gore ka gale go na le batho ba ba itseng go go feta, mme ka gale ba rata le go ineela go go thusa?
<fn>PulaImvula. Hunger.2010-04-01.tn.txt</fn>
Mokgatlho wa Tlhabololo ya Balemi ba Dithoro (GFADA) o o sa tswang go tlhamiwa, ka tirisano le Grain Value Chain Network (GCVN), ga o a tshwenyega fela ka go sa nneng le dipoelo ga ntshokunothoro e e anameng mo Aforikaborwa, mme gape le ka tshusumetso ya matlhotlhapelo a se se nang naso mo go bosetlabošweng mo temothuong.
Tlhamo ya ditsamaiso tse dintšhwa tse ke sengwe sa ditlapele tsa Mmuso, ka jalo Mokgatlho wa Tlhabololo ya Balemi ba Dithoro (MTBD) o batla go tshegetsa ka botlalo bosetlabošweng ba. Fela go tlamela bosetlabošweng ba ka lefatshe kwa ntle ga kemonokeng le thotloetso e e tlhokegang, ke kganetso ya boammaaruri jo bo tobileng batho mo matlhong. Ditokololo tsa GVCN di na le boitseanape jwa go tshwara ka letsogo le go ema nokeng, fela ke seabe sa Mmuso go tlamela ka matlole a a tlhokegang a didiriso tse di batlegang go ba naya bonnye sebaka se se utlwalang sa go itshegeletsa.
Totatota, go botlhokwa go gaisa gore maemo a madirelo a dithoro ka bogotlhe, a sekasekwe sešwa. Nako e a re tlogela, mme go tlaa nna madimabe jang fa Maaforikaborwa ba nna le tlhaelo ya dijo. Ke nako gore mongwe le mongwe a lemoge gore mo maemong a gajaana, sepoko se se tswelela go fetoga boammaaruri jo bo bonwang ka matlho le go oketsega.
Bothata bo fa kae?
Ditlhotlhwa tsa ntshokuno di golagantswe ka tlhamalalo le ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tsa boditšhaba mme Aforikaborwa ke nngwe ya dinaga tse di nang le ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tse di kwa godimodimo mo lefatsheng. Koketsego mo ditshenyegelong tsa ntshokuno e oketsega ka lebelo go na le ditlhotlhwa tsa ntshokuno, tse di bayang bantshakuno mo kgatelelong e e boitshegang.
Bontshakuno le bononofi ke tse pedi tsa diemakgatlhanong tse di botlhokwatlhokwa tsa bothata jo. Ka jalo dipatlisiso di botlhokwa thata go tokafatsa mekgwatiriso ya ntshokuno. Dintlhakgoreletso ke gore Mmuso ga o tlamele ka matlole a a lekaneng go dira dipatlisiso tse di utlwalang.
Ditlhotlhwa tse di tlhatlogang di batla gore go fitlhelelwe dielo tsa poelo tse di tlhatlogang ka heketara kgotsa bogolo jwa ntshokuno bo tlhoka go atolosiwa. Se se raya gore diyunite tsa temothuo di tlhoka go atolosiwa go kotula lotsenologolo lo lo tshwenyang. Bosetlabošweng ka fa go le lengwe, ba ka fitlhelela fela dilekanyo tsa lotsenologolo tse di tlhokegang ka dinonofo tse dikgolo le thekenoloji ya segompieno. Maitlhomo e sala go nna go tsena mo selekanong sa itsholelo. Bosetlabošweng mo ntlheng e, ba ikaegile mo phetisong ya bokgoni le kemonokeng e e tswelelang, se e leng ponelopele ya MTBD. Se ke sekgoreletsi se segolo sa bosetlabošweng mo temothuong. Temothuo ke madirelo a a tletseng mathata a a batlang melapoelo e e bonalang mo dingwageng tse di maswe.
Ka fa lotlhakoreng lwa lotseno, ditlhotlhwa di sa ntse gape di gokagantswe le ditlwaelo tsa boditšhaba mme di boragaraga ka ntlha ya dikelothefosano. Se ga se se bantshakuno ba ka se kgonang mme se tlhotlheletsa ditumelano tsa kananyo mo go boitshegang. Ditlhotlhwa gape di sa ntse di ya tlase le godimo magareng ga tekatekano ya diromelwateng le diromelwantle mme gajaana di gaufi le tekatekano ya thomelontle mme e lekanyetsa go bona poelo.
Ditlhotlhwa tsa dithoro di tlhomiwa ke dithulaganyo tsa mmaraka o o gololesegileng, tse di oketsang botlhokwa jwa patlego le tlamelo. Ntshokuno ya Aforikaborwa e feta dipatlego tsa mmaraka wa selegae, ka jalo dikgonegalo tsa thomelontle ga di na poelo go le kalo. Tlamelo ya Lefatshe gajaana e kwa godimo thata, mme e digela ditlhotlhwa kwa tlase. Dipholisi tsa puso tsa selegae tse di lekanyetsang, di kgoreletsa tsweletso ya mebaraka e mentšhwa (bio-fuels), mme di kgoreletsa tlaleletsoboleng.
Bantshakuno ba Aforikaborwa ba bona kemonokeng e nnye kgotsa ga ba bone sepe go tswa Mmusong, se se ba thibelang go gaisana le dinaga tse di romelang ntle tseo ka tlhago di nayang bantshakuno ba tsone kemonokeng ya mmuso. Puso ya Aforikaborwa ka jalo e ka akanya ka go sekaseka sešwa ditaelo tsa ditefo go netefatsa kemonokeng e e botoka mo montshakunong le kgonotheko mo badirising.
<fn>PulaImvula. Hybrid(maize).tn.txt</fn>
Figure 1: Thobothoro e e bokoa ya ditlha tsa 2008 le 2009.
Photo: Mmidi o o tulafatsaneng.
Bantshakuno ba tlhagisa mabaka a mantsintsi a gore go reng ba sa boeletse peo mo peong ya leidi, jaaka ditshenyegelo tsa peo tse di kwa godimo, tlhaelo ya matlole ka nako ya jalo, go sa nneng teng ga peo ya maidi, tlhokego ya go reka monontsha, pharologanyo e nnye kgotsa e e se yong mo thobong, tlhaelo ya nyalantsho, poloko e e bokoa le boleng jwa tiregiso e e bokoa ya mefutamaidi a kgwebo e e gona.
Dikganetsano tse di tsositse dipotsopotso gore maidi a na le mosola go feta dipeo tsa tulafatso e e bulegileng mo bantshakunong ba ba tlhaelang metswedithuso koo go nna teng ga peo go sa ikanyegeng, tiriso e e potlana ya ditsenngwateng tirisong le pheilo ya dijalo, e leng tlwaelo. Potso ya tota ke gore ke mohuta wa mothale ofe : leidi kgotsa wa tulafatso e e bulegileng o o ka itshegeletsang thata mo montshakunong go fitlhelela tshireletsego ya dijo le go tlamela ka lotseno lo lo itshegeleditseng.
Peo mo ntshokunong ke yona setsenngwateng sa pinagare. Mekgwatiriso ya setso yotlhe e tlhametswe go utolola kgonolotso e e tletseng ya peo e e jetsweng. Ga go mokgwatiriso wa temothuo ope (sekao tshugommu, temo, tlhagolo le taolo ya disenyi le malwetse) o o ka oketsang thobo ya dijalo go fetisa selekanyetso se se tlhomilweng ke boleng jwa peo. Peo, ka jalo, ke yona motheo wa katlego kgotsa pheilo ya dijalo tse di jetsweng.
Go fitlhelela thobo ya pholô, motho o tshwanetse go jala peo ya boleng jo bo kwa godimo. Go netefalediwa boleng jwa peo jo bo siameng, motho o tshwanetse go reka le go jala peo e e netefaditsweng, e ka nna ya leidi kgotsa ya tulafatso e e bulegileng. Peo e e netefaditsweng e tlhwekile bonnye 98% mme e na le phesentheiji ya tlhogo ya bonnye 90%. Ditshenyegelo tsa peo e e netefaditsweng di fokodiwa ke kgonothobo e e kwa godimo thata ya yona.
Bantshakuno ba babotlana le bajelaganong ba ba nang le mathata a madi, gantsi ba jala peo ya mmidi e e beilweng go tswa thobong e e fetileng. Fa ba ka dira se ka dithoro tse di bolokilweng go tswa mmiding wa leidi, gantsi ba nna le thobo e e fokotsegileng (go ka fitlha 50%) fa go tshwantshanngwa le mmidi o o jetsweng ka peo e ntšhwa. Go jala peo e e bolokilweng go tswa methaleng ya tulafatso e e bulegileng ga go tlise tatlhegelo ya thobo.
Leidi (hybrid) ke eng?
Leidi ke kuno ya kgwelano magareng ga batsadi ba babedi ba ba sa tsalaneng (farologaneng ka lotso), mosadi yo o tlhaotsweng a le mongwe le monna yo mongwe. Itulafatso ke tirego ya go tsaya mmudula mo semeleng se le sengwe le go o tshela mo maledung a sona semela seo. Fa mmidi o itulafatsa, moloko mongwe le mongwe o nna o koafala. Seo se itsege jaaka itsadisopoeletso mme morago ga meloko e e latelanang, se se isa kwa dimeleng tse di koafetseng mo go bidiwang losika lwa itsadisopoeletso. Losika lwa itsadisopoeletso lo, lo lonnye ka bogolo, lo na le diako tse dinnye le thobo e e fokotsegileng. Fela le gale, fa masika a itsadisopoeletso a mabedi a gwelanngwa, thatafalo e boela gape mo peong e e tswang moo mme thobo ya dimela tse di jetsweng go tswa mo peong eo, e oketsega thata. Se se itsege jaaka thatafalo ya leidi. E diragala ka ntlha ya tswakano magareng ga dirobe tsa dijine tse di bonweng mo masikeng a itsadisopoeletso a mabedi a a farologaneng.
Leidi le le rileng le ka tlhophelwa kemelano e e kgethegileng ya disenyi le malwetse kgotsa itshokelo ya komelelo.
Maidi ka kakaretso a thobo e kwa godimo go na le methale ya tulafatso e e bulegileng.
Maidi a tshwana ka mmala, go butswa le dipharologantsho tse dingwe tsa dimela tse di kgontshang montshakuno go diragatsa ditiro dingwe (sekao, tshelomonontsha, kgatsho le thobo) ka nako e le nngwe.
Tshwano ya dithoro tse di robilweng e ka nna gape le mesola ya thekiso fa di rekisediwa bareki ba ba nang le diemo tsa boleng.
Maidi ka palogare a ntsha 18% go feta methale ya tulafatso.
Peo ya teng e tlhotlhwa godimo thata.
Montshakuno o tlhoka go roba go feta ditono tse pedi ka heketara go buelela ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa peo.
Go tlhokega go reka peo e ntšhwa setlhajalo sengwe le sengwe.
Dithoro tse di ntshiwang mo peong ya leidi ga di a tshwanela go dirisiwa mo ditlhajalong tse di latelang.
Montshakuno o ka nna a palelwa ke go bona peo ka nako.
Maidi a tshwaetsega bonolo mo maemong a ngodiego (sekao: go ntsha lefetlho).
Mo tsamaisong ya dijalo e e bokoa le maemo a a makgwakgwa a tikologo, mosola wa thobo wa maidi go feta methale ya tulafatso e e bulegileng o a fokotsega.
Mothale wa tulafatso e e bulegileng ke eng?
Mothale wa tulafatso e e bulegileng ke ona o peo ya ona e ntshiwang ka tulafatso ya kakaretso (ke go re ga go na taolo ya tulafatso). Tulafatso ya dimela mo masimong ga e laolwe, mo go rayang gore dijalo ga di ne di tshwana, sekao dijalo di tlaa farologana ka bogodimo jwa semela, mmala wa maidi o tlaa farologana, diako di tlaa farologana ka bogolo le popego mme dijalo di tlaa butswa ka dinako tse di farologaneng.
Ga go na ditshenyegelo tsa peo kgotsa di kwa tlase. Montshakuno o ka baya bontlhanngwe jwa dijalo jaaka peo.
Ditshenyegelo tsa peo di kwa tlase thata go na le tsa peo ya leidi.
Madi a mantsi a ka dirisiwa go reka monontsha kgotsa dibolayasenyi.
Peo e ka dirisiwa ka go boelediwa. Ke go re dithoro tsa setlha seno di ka jalwa gape mo setlheng se se latelang.
Dikgaolo tsa kgonotlase ga di ka ke tsa buelela ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa peo ya maidi.
Methale ya tulafatso e e bulegileng e na le motheo o o anameng wa dijine mme e farologana thata ka matlha a tsalo. Se se tlhola paka ya tsalo e telele, se se tlaa letlang methale ya tulafatso e e bulegileng go tulafatsa ka dipaka tse di khutshwane tsa ngodiego e e kwa godimo (sekao ngodiego ya bongola, themphereitšha, jj). Pharologano e, ka dinako dingwe e neelana ka thobo e e nitameng thata go na le maidi a a tsalang ka go tshwana thata.
Go botlhokwa go reka peo e ntšhwa dingwaga dingwe le dingwe tse tharo go tshegetsa botlhololo jwa lotso.
Kgonothobo ya tlwaelo e kwa tlase ka 10 - 25%.
Mo dikgaolong tsa kgonogodimo, methale ya tulafatso e e bulegileng e tlaa fokotsa melapoelo.
Ga di ne di tshwana ka mmala, go butswa le dipharologantsho tsa dimela tse dingwe.
Di ka ama tlhotlhwa ya dithoro, k.g.r boleng.
Tlhaelo ya go tshwana e ka tlhola mathata mo go direng ditiro dingwe jaaka kgatsho le thobo (bogolo jang fa go dirisiwa serobi sa khombaene).
Go tshola mothale wa tulafatso e e bulegileng o tlhwekile o tshwanetse go jalwa dimitara tse 300 go tswa methaleng e mengwe.
Peo ya boleng jo bo bokoa (peo e e bolokelwang go jalwa mo dijalong tse di latelang e bolokwa gantsi mo maemong a a bokoa a a bulegetseng dithemphereitšha tse di kwa godimo, disenyi le malwetse), e ka tlhola tlhogo e e bokoa le dimela tse di bokoa tse di sa kgoneng go gaisana le mefero sentle.
Jaaka e le molao, methale ya tulafatso e e bulegileng ga e a tlhabololwa lotso go bontsha kemelano le ditshenekegi le dibolayatlhatshana.
Santlha, jala mothale wa tulafatso e e bulegileng o o atlanegiseditsweng kgaolo ya gago.
Tsamaisa masimo a gago sentle, diragatsa temothuo ya tshomarelo, o dirisa monontsha, motshetelo kgotsa tsoopedi. Laola mofero le disenyi.
Jala dijalo tsa gago bonnye 100m go tswa masimong a mangwe, kgotsa o jale mmidi wa gago dibeke tse tharo pele kgotsa morago ga dijalo tse di gaufi, gore e ntshe lofetlho ka dinako tse di farologaneng. Ka tsela e o tlaa netefatsa gore kgotlelego e e sa tlhokegeng ya mmudula ga e diragale.
O tshwanetse go roba go tswa bogareng jwa tshimo go fokotsa kgotlelego ka mmudula.
Pele ga go ntsha lofetlho, tlhatlhoba masimo a gago mme o tlose dimela dife le dife tse di bonalang di farologana thata le tse dingwe (k.g.r di le ditelele thata, dikhutshwane thata kgotsa di lwala).
Ka nako ya thobo, tlhopha siako tse dintle go gaisa go tswa mo dimeleng tse di lebegang go gaisa. Tlhopha diako tse di tshwanang, tse di se nang bolwetse mme di na le bolengthoro jo bo eletsegang.
Roba bonnye diako di le 300.
Diako di tshwanetse go khurumediwa, go omisiwa le go bolokwa mo maemong a a tshwanetseng (kgaolo e e lefifi e e omileng le e e sireletsegileng).
Netefatsa gore peo e omile (botshelo jwa peo bo imena gabedi, mo phokotsegong nngwe le nngwe ya 1% kwa tlase ga ditengbongola tsa 13%). Go lekeletsa fa peo ya gago e na le ditengbongola tse di ka nnang 13%, tsaya ditlhaka tse 100 mme o di tswake le gerama e 1 ya letswai mme o di tlogele mo lebotlolong le le tswetsweng thata. Fa morago ga metsotso e 5 letswai le utlwala bongola, gona diako di sa ntse di tlhoka go omisiwa go ya pele.
Peo e nna lobaka lo loleele mo maemong a a tsididi (e seng a kgatselo). Botshelo jwa peo bo imena gabedi fa themphereitšha ya poloko e le kwa tlase ka 5ºC.
Tshupa, fankase le baketheria di ngotla botshelo jwa peo. Go fokotsa se, tshola peo e omile ka fa go ka kgonegang.
Boloka peo ya gago mo dipolokelong tse di omileng, phepa tse di sa tsenyeng mowa mme o di tshwae ka setshwao, kwalo (ngwaga o o tlang ga o ne o gakologelwa gore ke eng).
O monyela bongola ka fa gare ga dibolokelo le go thibela kgolo le go ata ga tshupa. Tshela 0,5 g ya molora mo khilogeramong e le nngwe ya peo.
Yona e ka dirisiwa ka tsela e e tshwanang fela le ya molora o o omileng. Tswakanya di tshwana tsa tee tse 15 (50 g) le khilogeramo e le nngwe, ya peo.
Tswakanya oli ya kapeo le peo ya gago go thibela go ata ga tshupa. Dirisa thiisipune e le nngwe ya oli mo khilogeramong e le nngwe ya peo.
Tshupa ga e utlwane le dimela tsa monkgo o o bogale. Dirisa tšhilisi (tswaka dithiisipune tse tlhano tsa lorole lwa tšhilisi le khilogeramo e le nngwe ya peo).
Phitlhelelo ya poelo ya lotso.
Mosola go tswa kalafong ya peo le taoloboleng.
Fela fa e rekwa jaaka peo e e netefaditsweng.
Go nna teng ga motlamedi wa peo yo o tlhomameng yo o tlamelang ka phitlhelelo mo metherialeng wa lotso o mošwa.
Go ka tshokile.
Ga go tlhomamisege.
Kemonosi ya morafe wa temothuo.
Leidi le le gaisang le ka dira botoka thata go feta mothale wa tulafatso e e bulegileng (OPV) ka go feta 70%. Mothale wa tulafatso e e bulegileng o o siameng, le gale, o ka dira fela go tshwana kgotsa e bile le go gaisa leidi le le dirang bokoa. Tshusumetso ya go jala peo ya moloko wa bobedi (e e robilweng) ga e na bokao thata jalo mo mothaleng wa tulafatso e e bulegileng, fela e kgolo thata mo leiding (tatlhegelo ya go fitlha 50%). Maidi a kemogodimo (elite) a ntsha 18% ya dithoro go feta mothale wa tulafatso e e bulegileng. Peo e e boelediwang e ntsha 32% ya dithoro kwa tlase ga peo ya leidi e ntšhwa. Peo e e boelediwang ya OPV e ntsha 5% ya dithoro kwa tlase ga peo ya OPV e ntšhwa.
Fa go rekwa peo e e netefaditsweng, ditshenyegelo tsa peo di tlaa nna kwa godimo go na le fa go rekwa peo ya OPV e ntšhwa kgotsa e e boelediwang.
Leidi le le boelediwang.
Go reka peo ya maidi ngwaga le ngwaga, e nna yona tlhopho ya poelo e tona, fela fa dilekanyo tsa tsamaiso e le go bona ditono tse pedi ka heketara kgotsa go feta. Fa dilekanyo tsa tsamaiso di tokafala, poeletso ya peo ga e nne le poelo e e kwa tlase. Go na le mosola o monnye thata fa montshakuno a fetogela kwa peong ya leidi go tswa peong ya OPV, kwa ntle ga monontsha e bile go sa nne le phetogo mo tsamaisong. Fa montshakuno a tshwanela go reka peo ya leidi ka ditshenyegelo tse di kwa godimo, selekanyo sa tsamaiso ya gagwe le sona se tshwanetse go gola jalo.
Bantshakuno ba mmidi ba jala mmidi mme ba ka sobokanya boleng jwa mmidi wa bona jaaka sejalo sa madi a seatleng. Fela, re itse gore tshireletsego ya dijo ya lelapa, kefogo ya riseke, diratwaepelo le ngwao, di na le tlhotlheletso e kgolo mo ditshwetsong tsa montshakuno ka metheriale o o jalwang gammogo le mekgwatiriso ya tsamaiso ya dijalo. Go sa le jalo, tshireletsego ya peo ya lelapa ke kakanyo ya botlhokwa mo poeletsong ya peo ya dithoro, bogolosegolo mo dikgaolong tsa magae tse di kgakala tse di sa kgoneng go direlwa ke batlamedi ba dipeo. Phitlhelelo ya mebaraka ya dithoro, koo ditlhotlhwa tse di botoka di ka bonelwang pele, e tshwanetse go nna kakanyo ya botlhokwa mo bantshakunong ba ba tlhaelang metswedithuso fa go swediwa gore go rekwe peo efe. Go na le dintlhakemo tsa seloago le setso tse dintsi mo ntlheng ya maidi kgatlhanong le OPV.
Methale ya tulafatso e e bulegileng (OPV) e ka nna tlhophoe e mosola mo bantshakunong ba mmidi mo mabakeng mangwe, fela tiriso ya peo ya OPV kgotsa e e boelediwang e tla bo e le kgato ya poelomorago mo thobong ya dithoro. Ka kakaretso, maidi a ka ntsha 18% ya dithoro go feta bontsi jwa OPV tse di botoka.
Phitlhelelo ya mesola go tswa dipatlisisong mo tokafatsong ya lotso la methale e mešwa.
Phitlhelelo ya mosola wa kalafo ya peo le boleng jwa peo.
Go nna teng ga motlamedi wa peo yo o tlhomameng.
Ditogamaano tsa botshelo tsa merafe e e tlhaelang metswedithuso.
Kanoko ya seikonomi ya dipoelo tsa peeletso (thobo).
Ikanyego ya thobo.
Kemelano le komelelo.
Kemelano ya malwetse.
Kgotlelelo ya ditshenekegi (BT).
Boleele jwa setlha.
Nako ya go butswa.
Kelo ya go oma.
Kgotlelelo ya esete.
Kemelano le khemikale (mmidi wa round-up ready).
<fn>PulaImvula. ImprovementsMaize.2009-05.tn.txt</fn>
Lefatshe le le se nang sepe le bolengtlase thata go na le lefatshe le le tlhabolotsweng. Ke sona go leng botlhokwa thata go tshola dikago, diterata le ditsela tse di mo polaseng ya gago di le mo maemong a a siameng le go di tlamela ka gale.
Dikago tse di mo polaseng di tshwanetse go tsholwa di le mo maemong a a siameng gore di kgone go dirisiwa - go boloka, go tshwara dithoro le go beola dinku. O gakololwa gore go molemo go baya diterekere le didiriso tsa gago ka gale ka fa tlase ga marulelo, ka gore go nna ga tsone ka fa ntle ke tshenyo e kgolo.
"Magora (diterata) a a siameng a dira baagisani ba ba siameng". O tshwanetse o kgone go tshola loruo lwa gago mo kgaolong e o e batlang. Fa o jala dijalo, go botlhokwa gore dijalo di sirelediwe mo loruong. Mo thulaganyong ya phudiso e e lolameng dikampa dingwe di dirisiwa mo dinakong dingwe tsa ngwaga - se se sireletsa bojang le go naya majang a a monate nako ya go itharabologelwa (go tlhoga gape).
Dikonturu le meselemetsi di tlhokega thata mo thibelong ya kgogolego ya mmu - kgogolego e tlhola tshenyego ya leruri mme ke maikarabelo a moagi yo mongwe le yo mongwe go sireletsa mmu gore dikokomana tsa isagwe le tsona di kgone go ka dirisa lefatshe go itshedisa.
Ditsela di botlhokwa thata mo temothuong ya bogwebi - dikuno tse di jaaka menontsha di tlhoka go tlisiwa mo polaseng mme dikuno tsa rona le tsona di tlhoka go tswa mo polaseng le go ya mmarakeng. Tlamelo le paakanyo ya ditsela e botlhokwa bogolo mo temothuong ya bogwebi.
<fn>PulaImvula. InputMaize.2009-04.tn.txt</fn>
Inšorense ya ditsenngwateng - a o tshwanetse go inšora dijalo tsa gago?
Ka ntlha ya fa temothuo e diragadiwa kwa ntle, go na le mathata a mantsi mme mo mabakeng mangwe ditshenyegelo tsa go jala dijalo di feta boleng jwa lefatshe le dijalo di tshwanetseng go jalwa mo go lona. Gantsi, bantshadikuno ba tshwanela go adima madi mo ditheong tsa matlole kgotsa kgwebo ya temothuo gore ba kgone go tlamela jalo ya dijalo tseo ka madi. Kadimo le kadimiso ya madi di na le mathata, ka gonne ba ba adimisang madi ga ba batle a ba latlhegela. Gantsi moadimi o tlhokega go neelana ka tshireletso (security) ya kadimo - ka mafoko a mangwe, moadimisamadi o tlaa boelwa jang ke madi a gagwe fa dijalo di sule tsotlhe ka ntlha ya lebaka lefe kana lefe fela.
Fa o le mong wa lefatshe le o lemang mo go lona, fa gongwe moadimisamadi o tlhoka go go kopa tetla ya go kwadisa bonto kgatlhanong le setlankana sa kanobong sa thoto eo. Se se raya gore fa o sa kgone go duela kadimo ya gago, ba tlaa rekisa thoto ya gago go bona gape madi a bona, a o a ba kolotang. Mo lebakeng la bantshadikuno ba ba tlhabologang se se tlhola mathata a mantsi - go tlaa utlwisa botlhoko thata gore o latlhegelwe ke lefatshe fela ka gore o ntshitse dijalo tse di bokoa. Go na le palo e kgolo ya bantshadikuno ba ba tlhabologang ba ba seng beng ba lefatshe le ba le lemang - lengwe ke lefatshe le le hirilweng, mme bogolo jwa lona lefatshe ke la morafe (lefatshe le ke la Puso mme le tsamaisiwa ke pusomorafe). Ga o kgone go bonta lefatshe la morafe, gonne wena, jaaka montshadikuno, ga o na setlankana sa kano ya bong sa lefatshe leo. Mo nakong e e fetileng bantshadikuno ba ba neng ba lema mo lefatsheng la morafe ba ne ba sa kgone go bona dikadimo, ka ba ne ba se na tshireletso e ba neelanang ka yona. Fa ke teng fa inšorense ya ditsenngwateng e tlhagelelang teng - o ka inšora dijalo tse di mo tshimong gore fa go ka nna le "tiro ya Modimo", setlamo sa inšorense se duele madi a a kolotiwang.
Ka ntlha ya ditshenyegelo tsa ntshodikuno tse di tlhatlogang mo temothuong le ditshireletso tse di nyelelang tsa bantshadikuno, tlhokego ya inšorense ya ditsenngwateng mo Aforikaborwa e godile thata. Kuno e e thaetswe thata mo palogareng ya thobo e e ntshitsweng ya pakatelele ya montshadikuno mo yuniting ya temo yotlhelele ya gagwe eo phesente e e rileng ya yona e netefalediwang.
Kwa thoto (property) e leng gona.
Dimmepe tsa polase tse di lekantsweng go ya ka GPs tse di bontshang masimo otlhe bongwe ka bongwe, dinomore tsa masimo le dikgaolo tse di farologaneng.
Dithulaganyo tsa thuolefatshe mo lefatsheng leo - a o mong wa lona, ke lefatshe le le hirilweng; lefatshe la morafe, j.j.
Ke mang a tlaa tlamelang montshadikuno ka matlole?
Thobo e e bonweng mo bonnye ditlha tsa ntshodikuno tse di fetileng tse tlhano.
Tshekatshekelo ya mmu e e dirilweng e seng go feta dingwaga tse pedi, e bile e bontsha tshwaelo ya temolefatshe.
Dinwane le mekgwatiriso ya go lema - ditiro tsa tshugo ya motheo le ya senkonteri, dijalo tse di yang go jalwa, mefutapeo, nontsho, mekgwatiriso ya taolo ya mofero le disenyi.
Dintlha ka botlalo tsa rakonteraka yo o tlaa go direlang tiro.
Matlha a jalo le tlhogo - matlha a a totobaditsweng mangwe a letleletswe e bile ga go na dijalo dipe tse di jetsweng ka kwa ntle ga matlha a, tse di tlaa inšoriwang.
Masimo a tlaa sirelediwa jang mo bogodung?
Dijalo di tlaa sirelediwa jang kgatlhanong le tshenyo ya loruo.
Pholisi ya ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tsa kgaolo ya pula ya selemo ka gale e golaganngwa le pholisi ya sefako ka pusetso e e netefaleditsweng ya bonnye go lekana kgotsa go feta palogare ya thobo e e ntshitsweng ya pakatelele ya montshadikuno mo polaseng e e amegang. Montshadikuno o swetsa gore ke phesente efe ya tshenyo e a batlang go e ituelela mabapi le bothata jwa sefako ka tlhopho ya gagwe ya tuelotlaleletso (excess).
Pholisi ya ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tsa kgaolo ya pula ya mariga e ikemetse ka boyona mme ga e a golaganngwa le pholisi ya sefako. Sefako se dira bongwe jwa mathata a ditsenngwateng a a inšorilweng mme ka jalo e duelwa le mathata a ditsenngwateng a mangwe.
Mathata a a tsenyeleditsweng mo tshireletsong ya dintsenngwateng tsa temo ya gale (dry land) a akaretsa: sefako, molelo, thoro, serame, komelelo, pula e ntsintsi, kgogolego ya metsi, segagane, botsididi, phefo, ditsuatsue le tatlhegelo nngwe le nngwe e e tlang ka maemo a bosa a a bosula, malwetse a dimela a a sa laolegeng, disenyi tsa ditshenekegi le diphologolo tse di tlhaga.
Inšorense ya ditshenyegelo tsa ditsenngwateng mabapi le mekgwatiriso ya temo e e amogetsweng.
Go lema ga bantshadikuno go tlaa bewa leitlho ka dinako tsotlhe go netefatsa gore go latelwa mekgwatiriso ya temo e e siameng.
Mathata a a sirelediwang mo nosetsong a akaretsa : sefako, molelo, thoro, serame, pula e ntsintsi, kgogolego ka metsi, segagane, botsididi, phefo, ditsuatsue le tatlhegelo efe kana efe ka ntlha ya maemo a bosa a a bosula, malwetse a dimela a a sa laolesegeng, disenyi le ditshenekegi le diphologolo tse di tlhaga. Komelelo ga e a akarediwa go sa kgathalasege sebako ke eng.
Inšorense ya ditsenngwateng e tlhotlhwagodimo mo go maswe, mme fa tlhotlhwa ya ditsenngwateng e le kwa godimo, mme tlhotlhwa ya dikuno e le kwa tlase (jaaka go ntse ka dijalo tse dintsi ka nako e), go tsaya mofuta o wa inšorense go botlhokwa thata, fela gape go ka raya gore fa tsotlhe di setse di diragetse, montshadikuno o iphitlhela a sa sala ka sepe morago ga thobo. O ka tswa o ne o adimile madi mme o kgonne go a busa, fela o tlaa bo o dirile poelo e kana kang A wena jaaka montshadikuno o na le itlhophelo E seng jalo jalo - o tlaa tshwanela go bonta thoto ya gago, kgotsa o tlaa tlhokega go tsaya tshireletso ya inšorense ya ditsenngwateng go sireletsa kadimo. Kgotsa ga o ne o kgona go bona kadimo ya ntshodikuno?
Ga go maswe go le kalo le gale, ka gore fa o ka dira sengwe le sengwe ka tshwanelo jaaka go tlhokwa ke setlamo sa inšorense, o tlaa bo o lema sentle thata, o dirisa mekgwatiriso ya ntshodikuno ya segompieno, mme le tšhono ya gago go bona thobo ya dijalo e e siameng e tlaa bo e tokafetse thata.
<fn>PulaImvula. Inputs.2008-07.tn.txt</fn>
Kerafo 1: Ditlhotlhwa tsa menontsha tsa boditšhaba.
Kerafo 2: Tlhotlhwa ya oli e tala ya boditšhaba le ditshenyegelo tsa holoseile tsa disele.
Bantshadikuno ba dithoro le dipeo tsa oli ke baamogelatlhotlhwa. Ka mafoko a mangwe, bantshadikuno ga ba ka ke ka botlhofo fela ba tlhakanyetsa ditshenyegelo tse di oketsegetseng tsa ditsenngwateng mo tlhotlhweng ya kuno ya bona. Ka ntlha ya lebaka le dikoketsego tse di tswelelang mo ditshenyegelong tsa ditsenngwateng di tshosetsa poelo mo ntshodikunong ya dithoro le dipeo tsa oli.
Go botlhokwa thata mo bantshadikunong le badirisi ka bobedi ba nne ba sedimoseditswe ka dikoketsego tsa tlhotlhwa ya ditsenngwateng.
Tlhotlhwa ya selegae ya monontsha e oketsegile mo go boitshegang magareng ga Motsheganong 2007 le Motsheganong 2008. Sebakosegolo sa koketsego e ke patlego e e oketsegileng lefatshe ka bophara ya monontsha fa dilekanyo tsa ntshodikuno ya monontsha tsona di sa fetoga. Patlego e e golang go tswa dinageng di tshwana le Tšhaena le Intia ke yona ntlha kgolo. Tšhaena gape e kgethisa lekgetho la thomelontle mo monontsheng, se se etegeditseng maemo.
Fa e sale go tloga ka Moranang 2007 tlhotlhwa ya boditšhaba ya dikuno e oketsegile ka tsela e (Lenaneo 1 le Kerafo 1).
Lenaneo 1: Koketsego ya boditšhaba mo ditlhotlhweng tsa kuno.
Kerafo 1: Ditlhotlhwa tsa monontsha tsa boditšhaba.
Go tloga ka Motsheganong 2007, ditlhotlhwa tsa selegae tsa monontsha di oketsegetse go fitlhelela dilekanyo tse di kwa setlhoeng.
Lenaneo 2 : Palogare ya ditlhotlhwa tsa selegae tsa monontsha.
Monontsha o dira phopholetso ya 25% ya ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tsa bantshadikuno ba dithoro le dipeo tsa oli, ka jalo dikoketsego tse ke tlhobaetsaboroko e kgolo mo Grain SA. Dikoketsego tse di tlisa kgatelelo e kgolo mo poelong ya ntshodikuno ya dithoro le dipeo tsa oli.
Tlhotlhwa ya boditšhaba ya dikhemikale tsa temo e oketsegile mo go boitshegang mo dikgweding tse di lesomepedi tse di fetileng. Patlego ya dikhemikale dingwe e oketsegile ka bonako thata go na le koketsego ya ntshodikuno ya dikhemikale tse. Makgetho a thomelontle a a kgethisiwang ke Tšhaena, gammogo le tlhotlhwa e e kwa godimo ya oli e tala a na le tshwaelo e kgolo mo ditlhotlhweng, bokana ka 99% jwa ditswaki tsotlhe tsa dikhemikale tsa temothuo mo Aforikaborwa di rekwa go tswa kwa ntle mme boleng jo bo bokoa jwa ranta kgatlhanong le madi a mangwe a magolo le jona bo tshwaetse mo tlhotlhweng.
Dikuno tsa theo ya Glyhposate (jaaka Roundup) di oketsegile ka 150% go ya go 240% mo dikgweding tse di lesomepedi.
Palogare ya tlhotlhwa ya oli e tala e oketsegile ka 63,2% fa e sale go tloga ka Moranang 2007.
Tshenyegelo ya holoseile ya selegae ya disele mo Gauteng e oketsegile ka 63% go tswa go R6,21 ka litara mo go Motsheganong 2007 go ya go R10,10 ka litara mo go Motsheganong 2008 (Kerafo 2). Ditlhotlhwa di oketsega kgwedi le kgwedi - se mmogo le dikoketsego tse dingwe tse di umakilweng di dira gore poelo e belaetse thata.
Kerafo 2: Tlhotlhwa ya oli e tala ya boditšhaba le tshenyegelo ya holoseile ya disele.
Bontsi jwa didiriso tsa temothuo tse di dirisiwang mo Aforikaborwa ke ditswantle - tshwaelo ya ranta e e bokoa e na le seabe se segolo mo ditlhotlhweng tse di tsweletseng go oketsega tsa didiriso le diterekere.
Lenaneo 3: Phetogo ka Phesente mo ditlhotlhweng tsa metšhine ya temothuo go ya ka ngwaga le ngwaga.
Ke mang a rwalang maikarabelo a ditlhotlhwa tsa dijo tse di oketsegileng A mme tota ke bantshadikuno ba dithoro le dipeo tsa oli?
Go ya ka kelo ya gajaana e ditshenyegelo tsa ditsenngwateng di tlhatlogang ka yona, go ya go nna bokete mo bantshadikunong ba dithoro le dipeo tsa oli go ntsha dijalo tse di tswelelang, kwa ntle ga gore ditlhotlhwa tsa dithoro tsa dipeo tsa oli di oketsege ka dikelo tse di tshwanang. Go ya ka ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tsa gajaana le ditlhotlhwa tse di akanngwang tsa dithoro le dipeo tsa oli, bantshadikuno ba ya go tshwanelwa go dira ditekanyetsokabo ka kelotlhoko e kgolo. Bantshadikuno ba sa ntse ba tshwanetse go netefatsa gore ba duelela ditsenngwateng ditlhotlhwa tse di siameng - batlisisa mo tikologong go bona ditlhotlhwa tse di botoka thata mme o se ke wa amogela tlhotlhwa ya ntlha o ise o lekelele mebaraka gore e na le eng. Ikopanye le Grain SA go bona ditlhotlhwa tsa sešwengšweng, tse di ka dirisiwang jaaka sediriso sa therisano.
O tlaa tshwanela go dira dipalelo ka kelotlhoko gore o ya go jala sejalo sefe - o tshwanetse go kgona go dira poelo, go seng jalo ga o kitla o kgona go tswelela jaaka molemi. Gakologelwa gore ditlhotlhwa tsa ditsenngwateng go bonala di sa ntse di ile go tlhatloga go ya pele, pele ga setlhajalo se se latelang.
<fn>PulaImvula. IrrigationMaize.2009-09.tn.txt</fn>
Nosetso - tota ke ka ga eng?
Lefatshe lotlhe le itemogela mathata a a boitshegang a metsi, ka ntlha ya kgolo e e tsweletseng ya palobatho (baagi) le mororo mothamo wa metsi o o teng mo lefatsheng o lekanyeditswe. Mmepe o o fa tlase o bontsha bogone jwa metsi mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe.
Go na le batho ba le bantsi mo lefatsheng ba ba se nang phitlhelelo e e sireletsegileng ya dijo le metsi a go nwa a a phepa.
Go ntsha dijalo ka metsi a a bolokilweng, mo dikgaolong tse pula e leng kwa tlase thata kgotsa e sa ikanyegeng.
Go dirisa metsi a a bolokilweng go tswa sekgaleng se se kgakala le foo.
Go fokotsa bothata jwa tatlhegelo ya dijalo le go oketsa tshireletso ya dijo ya bosetšhaba.
Go oketsa ntshodikuno ka heketara.
Go ntsha dijalo ka ditlha tsa pula le komelelo.
Go ntsha go feta sejalo se le sengwe ka ngwaga.
Go dirisa dipeeletso tsa khepetlele ka nonofo/tshwanelo.
Go tlamela mmaraka o o tswelelang go gola.
Go ntsha dijalo tsa boleng jo bo botoka.
Go tlhabolola le go nitamisa dikgaolo tsa magae.
Go ntsha dijalo tse di kgethegileng mo dikgaolong tsa komelelo (dikgaolo tse di nang le mosola wa gore ga di na dipula tse di ka nelang dijalo fela go sa solofelwa).
Dikgaolo tse dikgolo tsa Aforikaborwa di na le maemo a tlelaemete a a bolelo le a a omileng, dikelo tsa mowafalo tse di kwa godimo e bile di itemogela dipula tse di kwa tlase le tsa mookodi fale le fale, koo ntshodikuno ya dijalo e feletseng e sa kgonegeng kwa ntle ga tiriso ya metsi a tlaleletso. Ntshodikuno ya dijalo kwa ntle ga thuso ya nosetso e bidiwa "e e fepiwang ka pula" kgotsa ntshodikuno ya dijalo mo lefatsheng le le omileng.
Tlelaemete e e atetsweng ke mogote le tlhabo ya letsatsi, le gale e mosola mo kgolong ya dimela e bile go kgonega go lema mefuta e mentsi ya dijalo ka nosetso koo go nang le mebu e e tshwanetseng le ditlamelo tsa metsi tse di lekaneng. Bokana ka 44% ya lefatshe la nosetso, bo tlhabolotswe ke kgwebo ya poraefete, 26% mo dikemeng tsa metsi tsa puso go akaretsa le 4% mo dikemeng tsa bantshadikuno ba babotlana le 30% mo dikemeng tsa diboto tsa nosetso.
<fn>PulaImvula. Jane.2011-03-14.tn.txt</fn>
Mme Jane a re...
Jaaka montshakuno, kgotsa lelapa (household), o na le eng (ga re botse: "O batla kgotsa o tlhoka eng"). A o na le lefatshe kgotsa mebaraka, kgotsa diterekere le didiriso Se motho o se batlang ga se na bokhutlo - bomadimabe ke gore o ka re fa o nna go le gontsi, go bonala o ka re o batla go le gontsi. Mo Lenaneotlhabololong la Balemirui, maitlhomo a rona ke go re: "O na le eng, mme re ka go thusa jang go se dirisa botoka?
Fa o na le lefatshe, e ka nna halofo ya heketara kgotsa diheketara di le 1 000, re batla go itse gore o le dirisa jang gajaana. A gongwe le ne le ka dirisiwa botoka mme ke eng se se thibelang go le dirisa ka botlalo Fa o ntse o roba halofo ya tono ka heketara ya mmidi, gongwe fa o ne o itse botoka, o ka dira botoka mme thobo ya gago e ne e ka oketsega go nna ditono di le nne ka heketara. Ke tumelo ya rona gore mongwe le mongwe o ka thusiwa go dira botokanyana le go dirisa metswedithuso e a nang nayo botoka?
Go nna montshakuno wa mogwebi go raya go ntsha go feta ka fa wena le lelapa la gago le tlhokang ka teng. Fa o rekisa kuno, o tshwaela labofelo mo tshireletsegong ya dijo ya selegae le bosetšhaba mme o tshwanelwa ke kemonokeng. Bontsi jwa batho bo simolola kwa tlase mme bo godise kgwebo ya bona. Jaaka Grain SA, re rata go beeletsa mo go wena le kgono ya gago jaaka motho.
Setlha seno sa selemo se ntse le dikgwetlho tse dintsi. Sa ntlha fela ditlhotlhwa tsa dithoro di ne di le kwa tlase, go tsamaelana le ditshenyegelo tsa go ntsha dijalo; mme bantshakuno ba bantsi ba tlhokile go fitlhelela dikadimo. Re lekile bojotlhe go batla thuso kwa Lefapheng la Temothuo la Bosetšhaba, fela le paletswe ke go thusa bantshakuno ba rona. Mo go bao ba ba neng ba kgona go jwala, ba dirisa kadimo kgotsa khepetlele ya bona, tshimologo ya setlha e ne e omile mme maemo a go jala a ne a le maswe. Jaanong pula ya simolola go na mme ya tswelela jalo e sa emise. Jaanong ke bothata jwa mefero e e sa laolegeng ka masimo a kgobotlega le dijalo tse di betwang ka gonne di eme mo metsing. Fela le gale ditlhotlhwa tsa dithoro le dipeo tsa oli di a tlhatloga ka jalo ba ba kgonneng go jala ba tshwanetse go bona tuelo ya matsapa a bona.
Setlha se se tlang se bonala se siametse jalo ya korong thata (sejalo sa mariga), mo go ba ba lemang mo dikgaolong tse di tshwanetseng ntshokuno ya korong. Mo dikgaolong tsa pula ya selemo mmu o kolobile thata, mme ke se se botlhokwa mo jalong ya korong. Tlhotlhwa ya korong e tokafetse mme re dumela gore se e tlaa nna dikgang tse di monate mo bantshakunong.
Re dira ka natla go tlhama botsalano jo bo edileng le Lefapha ba Tlhabololo ya Magae le Kabosešwa ya Lefatshe, re solofela go tlaa kgona go ka bega ka seemo mo go Pula/Imvula e e latelang. Fa re ne re ka bopa selekane le Lefapha leo, re ka thusa bantshakuno ba bantsi.
Re lo eleletsa katlego yotlhe mo kgweding e e tlang a dijalo tsa lona di phophome mme lo nne le tsholofelo ya temothuo mo isagweng mo Aforikaborwa.
<fn>PulaImvula. JourneyMaize.2010-02.tn.txt</fn>
Moono wa Lenaneotlhabololo la Balemirui ke go aga bantshakuno ba bagwebi ba bantsho ba ba nang le kgono le itshegeletso. Lenaneo le ke karolo ya bofelofelo ya mo tseleng ya bontshakuno jwa bogwebi.
Diporojeke tsotlhe tse di farologaneng tse di dirang karolo ya lenaneo la rona di tshwaela mo phitlhelelong ya maikaelelo a rona - dipitso tsa ditlhophathutano, ditekelelo tsa tshupetso, malatsi a balemirui, tlhamo ya dimphato, kgaisano ya Molemirui wa Ngwaga, Lenaneo la Balemirui le le Tsweleletseng, dikhosokatiso, dikgaso tsa radio le Pula/Imvula.
Go fitlhelela lefatshe la temo le le siameng le le tshwanetseng ntshokuno ya dithoro, ka kgonegalo ya lefatshe la tlaleletso le le ka mo kgontshang go fitlhelela seemo sa bogwebi sa bonnye ditono tse 250. (Thuolefatshe e nne e e sireletsegileng, le mororo re sa tshwenyegele gore a ke lefatshe la gago, lefatshe le le hirilweng kgotsa la morafe).
Ka fa go ka kgonegalang ka teng, montshakuno o tshwanetse a bo a dira a le esi mme e seng a le karolo ya setlhopha. Ka maitemogelo a rona, koo batho ba dirang ba le setlhopha, go nna le kgotlhang e e boitshegang mme tswelelopele e nnye. Batho ga ba kgone go tebisa mogopolo mo ntshokunong.
Diterekere le didiriso tse di lekaneng. Go tota go sa kgonege go nna montshakuno wa mogwebi kwa ntle ga gore o bo o na le diterekere le didiriso. (Mo mabakeng mangwe montshakuno o ka tlhoka rakonteraka go repa, kgotsa go photha, jalo le jalo, fela o tshwanetse go kgona go itirela bontsi jwa ditiro, le fa e se tsona tsotlhe).
Montshakuno o tshwanetse a bo a ne a le tokololo ya setlhophathutano mme a bo a tsenetse bonnye dikhoso tsa Grain SA tse di maleba di le tharo/nne. Ka ditlhophathutano, bantshakuno ba simolola go amogela tshedimosetso ka ntshokuno ya dithoro. Dikhosokatiso tsotlhe di tshwaela mo maatlafatsong ya montshakuno mme o tshwanetse go tsenela dikhoso, mme a bo a thusiwe go diragatsa dithuto tse a di ithutileng mo polaseng ya gagwe.
Montshakuno o tshwanetse a bo a batla go amogela kgakololo, a ineetse mo polaseng le go nna le maikutlo a a siameng. Go nna montshakunothoro go batla boitlamo le boineelo, mme re lemogile gore bontsi jwa bantshakuno ba ba dirang gosele bo a palelwa. Tlhabololo ya montshakuno go nna mo seemong sa bogwebi se se feleletseng go tsaya nako e telele, ka jalo ke peeletso e e boitshegang - ga go a tshwanela go senya madi a otlhe a fela mo mothong yo o sa tlhoafalang ka temothuo.
Kwa ntle ga gore montshakuno a bo a na le khepetlele e e lekaneng go dira kwa ntle ga kadimo, montshakuno o tshwanetse a bo a le mo kemong ya go ka newa molato, gore a tle a kgone go ka fitlhelela kadimo ya ntshokuno (molao wa tseisomolato o mošwa o dirile gore go nne bokete thata mo bantshakunong go fitlhelela dikadimo mme ka jalo ga ba kgone go tswelela pele).
Go na le boleng fa montshakuno a na le dikgwebo tse dingwe tse le tsona di dirang lotseno. Fela le gale, montshakuno o tshwanetse go tshwara ka diatla mme a nne mo polaseng. Ga re dire le "benglefatshe ba ba sa nneng mo polaseng".
<fn>PulaImvula. Key.2008-07.tn.txt</fn>
Bokgoni - go dira dilo ka tshwanelo.
Bontshadikuno ga bo lekane le dikuno kgotsa ntshodikuno, mme bogolo bo supa ditokafatso mo kgonong ya go fetolela ditsenngwateng mo dikunong (dipholo kgotsa maungo). Ke pholo ya tshwaelo mo kgolong ya kuno; morago ga fa go sena go balela dintlha tse dingwe tsotlhe. Ke kuno e e sa bonweng ka matlho ya ntšhwafatso, bokgoni, tsamaiso, patlisiso, bosa le lesego.
Fa tiriso ya dimetheriale tsa ditsenngwateng jaaka monontsha, leokwane le metšhine e fitlheletse makesimamo kgotsa le gona fa tshwaelotota ya ditsenngwateng tsotlhe e simolola go supa go sa tsamaeng sentle, koketsego ya bontshadikuno e ka nna yona motswedi o le osi wa kgolo ya dikuno.
Kgolo ya bontshadikuno ke sesupo sa phetogo ya sethekenoloji le ditokafatso tsa bokgoni mo tsamaisong kgotsa tekanyong ya ikonomi e e botoka e e tlholang go ntsha go le gontsi go tswa selekanyong se se neetsweng sa dikuno. Go dira ka go ntsha dikuno thata go kaya go dira ka botlhale mme e seng fela go dira ka natla. Kgolo ya bontshadikuno e bokete go e lekanyetsa. Go balela kgolo ya bontshadikuno go batlega go balela ga dikuno le ditsenngwateng tsotlhe le maiteko a go lekanyetsa ditokafatso le kelelo ya tota ya ditirelo go tswa ditsenngwatennye.
Go botlhokwa go akanya ka dikgato tsa bontshadikuno tsa ngwaga o o fetileng tsa dintlha tse di farologaneng tsa ntshodikuno mo polaseng ya gago fa o simolola ka tirego ya togamaano ya popego le matlole tsa setlha se se latelang.
<fn>PulaImvula. KeyPerformanceAreas.2007-11.tn.txt</fn>
Dintlhatiragatso tsa botlhokwa ke dife?
Byline: Jane MePherson, Motsamaisalenaneo wa Lenaneo la Tlhabololo la Grain SA.
Jaaka molemi, go na le dilo di le dintsi tse o di diyang - tsotlhe ka ntlha ya lebaka lengwe.
O sekaseka le go farologantsha mmu wa gago, go yeng?
Gore o bone gore o ka dvusa mmu wa gago botoka jang.
O tsaya dikaommu le go di nomela go sekasekwa, go yeng?
Gore o tle o kgone go tshela monontsha o o nepagetseng mo dijalong tsa gago go bona thobo e e kwa godimo.
O nepa kgotsa go lema tshimo, go yeng?
Go kgontsha pula e e tlaa meng go nwelelela mo mmung.
O dêsa/go lema mmu ka paka ya go kikisa tshimo, go yeng?
Gore o tshole masimo a tlhagotswe mofero le go boloka bongola mo mmung.
O batlisisa ka mebaraka e e ka mnang teng ya sejalo se o yang go se jalo, go reng?
Go netefatsa gore fela fa syefalo se setse se jetswe o na le mmaraka go se rekisa.
O saenela konteraka ka tlhotlhwa e e ruleng, go reng?
Gore o netefatse gore ntshodikuno ya sejalo e tlaa nna poelo.
O baakanya boalopeo, go reng?
Go netefatsa gore fa o jala peo e tlaa nna kwa botennye jo bo nepagetseng le kamano e e siameng le mmu o o bongola go kgontsha tlhogo.
O jala palo e e rileng ya dimela tsa mefuta e e tshwanetseng tota, ka heketara, go reng?
Gore o tle o kgone go roba dijalo tse di gaisang.
O jala dijalo ka monontsha o o uleng ka palo e e nileng ya kg/ha, go reng?
Goy o tle o yobe dijalo tse dintsintsi.
O kgatsha masimo ka sebolayatlhatshana sa pele ga tlhogo, go reng?
Gore o thibele mefero go tlhogela go gaisanela le dimela, bongola, monontsha lesedi le mowa.
O kgatsha masimo ka sebolayatshenekegi (kgotsa o gasadithorwana), go reng?
Gore o thibele tshenyo ya ditshenekegi mo dijalong tsa di tlhogang tsa gago?
O tlhagola mo gare ga mela ya dijalo tsa gago, go reug?
Gore o bolae mefero efe kampo efe e e kabong e gaisana le dijalo tsa gago.
O tshela nontshogodimo mo dijalong tsa gago, go reng?
Gore o neele dijalo monono o di tlhokang go fitlhela thobo e e kwa godimodimo.
O tlhatlhobela dijalo disenyi le go kgatsha fa go ulie kega, go reng?
Gore o kgone go naya aijalo tsa gago sebakasese kgonegang se se gaisang go bona thobo e ntle.
O rola dijalo ka nako e e nepagetseng, go reng?
Gore o tle o bone seemo se se kgonegang se se gaisang sa dijalo tsa gago.
Dilo tse di umakilweng fa godimo ke dilo tsotlhe tse di mo taolong ya gago - o ka dira ditshwetso mme wa tsaya kgato.
Sotso e e latelang ke gore o tlaa itse jang gore o kgonne kgotsa ga o a kgona go dira dilo tsotlhe tse ka nepagalo Tsela e le yosi ya go itse gore a o dirile sentle ke go ipeela seemo mme o itekanye go ya ka seemo seo. Fa o leba dingwe tsa dipotso tse di fa godimo, o tlaa itse gore karabo e tlaa nna "ee" kgotsa" nnyaya" sekao, o dirile se kgotsa ga o a se dira?
Ka letlhaphelelo lengwe le boleng bongwe.
A o bolokile bongola jo bo lekaneng mo mmung go jala dijalo, le o tlamela dijalo go fitlhelela dipula tse di tlwaelegileng di na?
Ka tsholofelo ya thobo e e kana kang le ka tlhotlhwa efe?
A paakanyo ya boalopeo e lekane, a mme o dirile se se ka nako go jala dijalo ka nako e e maleba tota ya mafutapeo o o yulagantseng go se jala?
One o rulagoantse go jala dijalo tse kae ka heketara mme a o atlegile mo go seo?
One o yulagantse kg/ha tse kae, a o atlegile mo go se.
O dirisitse dikhemikale dife, a mme o diyisitse selekano se se nepagetseng ka heketara?
O tlhagotse mefero?
One o ruagantse go tshela eng gona o tshetse eng?
O bone thobo e e kae ka heketara, mme o kgonne go rekisa dijalo ka tlhotlhwa ya palogare ya bokae.
Go na le insorense ya ditsenngwateng ka ba ARS (le ditlamo tse dingwe) go go sireletsa kgatlhanong le ditiro tsa Modimo - tsona ke komelelo merwalela, sefako, serame, phefo le molelo. Fela le gale ga go ope yo o ikemiseditseng go go emaa kgatlhanong le botsamaisi jo bo botlhaswa jwa gago. Ka jalo go botlhokwa thata gore o sekaseke, rulaganye le go diragatsa mekgwatiriso ya tsamaiso yotihe e e gaisang.
<fn>PulaImvula. Knowing.2008-01.tn.txt</fn>
Dimela di arogantswe ka ditlhopha tse dikgolo di le pedi - matlharephaphathi (khotopedi) le matlhare sesane (khotonngwe). Dimela tsa matlharesesane di na le ditshikatlhare tse di bapileng fa e le gore tsa matlharephaphathi ditshikatlhare tsa ona di tlharaletse.
Botlhokwa jwa pharologantsho e ga bo na bolekanngo ka ntlha ya gore taolomofero ka khemikale e ikaegile ka pharologano magareng ga ditlhophakgolo tse pedi tse.
Maitlhomo a medi ke go tshola semela se tsepame mo mmung le go monyela metsi le dikotla mo mmung.
Semela sa mmidi se na le thulaganyomedi e e dikalakala (tlharaletseng). Mo maemong a a feleletseng, semela sa mmidi se ka nna le thulaganyomedi ya boleele jo bo ka nnang 1 500 m. Fa thulaganyomedi e ka gola ka botlalo, medi e ka namela kwa thoko sekgala sa 1,5 m le go tsenelela boteng jwa 2 m.
Ka bophara, go na le mefuta e mebedi ya thulaganyomedi - moditona (modi mongwe o moteleletelele, o o maatla thata o o ka nnang le medithoko e le mmalwa) le thulaganyomedi ya medimotlang (medi e mentsi e e golelang dintlheng tsotlhe mo mmung). Semela sa mmidi se na le thulaganyo ya medimotlang mme mo godimo ga moo, fa semela se ntse se golela kwa godimo le go fitlhelela kgato ya go ntsha lefetlho meditshegetso e mengwe e e mela go tshegetsa semela se tsepame. E ke medi e mekima e e mmala e e nang le tebego e e bongapa mme e gola go tswa ka fa godimo ga mmu.
Kutu ya semela sa mmidi e bopegile jaaka selentara. Go bonala sentle gore go na le malokololo (foo matlhare a tlhogang teng) le dinoko (kgaolo e e fa gare ga malokololo). Boleele jwa kutu bo laolwa ke mefutapeo le maemokgolo. Semela sa mmidi se ka nna le dinoko di le magareng ga 8 le 21. Dinoko tse di farologaneng di ka nna le boleele jo bo farologaneng. Seako gantsi se tlhoga mo nokong ya borobedi ya semela.
Matlhare a le mabedi a tlhoga mo nokong nngwe le nngwe. Maitlhomo a matlhare ke go monyela marang a letsatsi le go dira feketori ya go direla semela dijo. Matlhare mo semeleng sa mmidi a tlhagelela ka go latelana mo kutung le go tlhagelela ka mela e mebedi e e lebaganeng mo semeleng. Mogwang o moleele, o mosesane mme o nna motšhotšho go ya kwa nkong. Letlhare le tshegeditswe ke mokwatlatlhare o o popometseng go ya le boleele jwa lona.
Letlhare la semela le hema ka dikgeleswana tse dinnye tse di mo sefatleng sa letlhare. Tsona di bidiwa seomata. Go na le disetomata tse tdintsi mo sefatleng se se kwa tlase sa letlhare le fa gona go nale disetomato mo sefatleng se se kwa godimo. Setomata se na le thulanganyo e ka yona disele di latlhang bongola fa go le bolelo e bile go omile, e e kgontshang letlhare go menagana. Tirego e e letla letlhare go menaganela ka fa teng mme se se thibela tatlhegelo pele ya bongola go ya. Ka dipaka tse di mogote le komelelo, semela se kgona gore matlhare a menagane ka nako ya karolo ya letsatsi e e mogote thata mme ka go dira jalo se boloke bongola. Moragonyana mo letsatsing fa dithemphereitšha di ya tlase, tirego e e a fetoga mme matlhare a kgona go tswelela ka tiro ya ona ya gale. Fa maemo a a bolelo le a omileng a tswelela paka e telele, tirego e ga e kgone go busediwa morago mme matlhare a a swa - mme se ke tshenyego ya leruri ya semela e bile se tlaa nna le kamo e e bosula mo thobong ya dithoro.
Semela sa mmidi se na le dithunya tsoopedi, sa monna le sa mosadi - se se letla itulafatso. Karolo e namagadi (mosadi) ke e e tswelelang go nna seako, fa e le gore e tonanyana (monna) e gola go nna lefetlho kwa nkong ya semela. Tlhakana nngwe le nngwe e e kgonegang ya mmidi e tshwaragantswe le tšhupu e tshesanyane thata (leudi) Mmudula go tswa kwa anthereng (ramodula) (sethunya se setonyana) o wela mo setekimeng (bogodimo jwa sethunya se se namagadi) le go golela kwa tlase le leudi (setaele) go ya kwa tsaleng. Tulafatso e diragala fa mmudula o fitlha kwa tsaleng.
Tirego yotlhe ya go jala mmidi e lebisitswe mo go ntsheng peo. Boleng le mothama wa peo di botlhokwa mo poelong ya tiro ya temo yotlhe.
Dintlha tse di tlhotlheletsang boleng le mothama wa peo ke bolwetse, ditlhokego tsa dikotla tsa semela, go nna teng ga bongola le themphereitšha ka dikgato tse di farologaneng le tlhopho ya mofutapeo.
Bomaleba jwa pharologano e ke gore go na le dikhemikale dingwe tse di tshwanetsweng go tshelwa pele dijalo di tlhoga, fa tse dingwe e le tsa morago ga tlhogo ya dijalo.
Pele ga tlhogo e tlhalosa paka magareng ga jalo ya dijalo, tirego ya melo fela pele semela se tlhagelela fa godimo ga mmu.
Se se tlhalosa paka ya fa morago ga peo e se na go mela e bile semela se setse se tlhageletse fa godimo ga mmu.
Dikgatokgolô tsa semela sa mmidi di beilwe ka dipalo go ya ka dikgato tse di tlhaolegileng go tswa 0 - 10.
Mmidi o jalwa magareng ga 2,5 cm le 5 cm fa tlase ga boalogodimo jwa mmu. Mo maemong a a bothitho le bongola, peo e tsaya malatsi a le 6 go ya 10 go tlhoga. Mo maemong a a tsiditsana le/kgotsa omileng, peo e ka tsaya go ya bekeng tse pedi go tlhoga. Themphereitšha e e Thekanetseng ya melo ke go tloga magareng ga 20°C le 30°C. Ditengbongola jwa mmu tse di eletsegang e tshwanetse go ka nna 60% ya mothamo wa tshimo. (Metsi a mantsintsi kgotsa a mannye thata a tlaa kgoreletsa tswelelo).
Makesimamo ya palo ya matlhare le matlhogelathoko a tlhomamisiwa ka lotso. Letlhare le lentšhwa le tlhagelela e ka nna malatsi a mararo mangwe le mangwe. Ka nako e, ntlhanakgolo e sa ntse e le ka fa tlase ga boalogodimo. Tlholego ya lefetlho e tlhagelela ka yona kgato e.
Ka paka e kgaolo ya matlhare e oketsega gatlhano go ya gasome, fa boima jwa kutu bo oketsega gamasometlhano go ya galekgolo. Tlholego ya seako e tlhagelela ka yona kgato e. Meditshegetso e simolola go gola mo malokololong ka fa tlase ga boalogodimo. Ntlhanakgolo ke 5 cm - 7,5 cm fa godimo ga boalogodimo jwa mmu.
Lefetlho le le golang le simolola go gola ka bonako. Matlhogelathoko a a tlaa ungwang diako a tswelela ka bonako mo malokololong a borataro go ya a borobedi fa godimo ga boalogodimo jwa mmu. Palokgonego ya makukunya peo a seako e setse e tlhomamisitswe.
Kutu e Leelefala ka bonako mme lefetlho le setse le batiLle le tsweletse gotlhelele. Maledu a simolola go gola le go leelefala go tswa letlaseng la seako se se kwa godimo.
Matlhare otlhe a menologile gotlhelele e bile lefetlho le setse le na le malatsi a le mabedi go ya mararo le dule. Matlhogelathoko a a rweleng seakosegolo gammogo le diborakete di setse di batlile go fitLheleLa bogodi. Ka nako e patlego ya dikotra le bongola e kwa godimo.
Seako, matlhogelathoko le diborakete di feditse go gola.
Bontsi jwa dithoro bo tshwelela go oketsega.
Peo e simolola go oma.
Fa tlhaka e fitlheletse makesimamo ya boima jwa go oma, llaga ya disele tse dintsho e tlhagelela mo letlaseng la tlhaka. Dithoro di setse di budule gotlhe mme ke fela diteng tsa bongola tse ditlhokang go fokodiwa pele ga thobo.
Dithoro di tshwanetse go fokotsa diteng sa bongola gore di fitlhelele putso ya sebaeloji. Go oma go diragala ka selekano sa go ka nna 5% ka beke go ya 20%, mme morago ga foo go nne le nyafalo mo tiregong ya go oma.
<fn>PulaImvula. Kobus.2008-01.tn.txt</fn>
Photo: Dr Kobus Laubscher.
Dr Kobus Laubscher o tlhophilwe go nna motsamaisikakaretso yo montšhwa wa Grain SA go tloga ka 1 Ferikgong, 2008.
Dr Laubscher, yo gajaana a amanngwang le Yunibesethi ya Foreisetata, ke raikonomi wa temothuo wa maitemogelo le kamego e e tseneletseng mo seemong sa selegae, seorofense le bosetšhaba, gareng ga tse dingwe jaaka mogakoloditogamaano wa kgwebo ya temothuo, mmaltlisisi le motlhatlheledi. Kwa ntle ga ditiro tsa bobatlisisi mabapi le ntšhwafatso ya lefatshe le togamaano ya thekiso, o ne gape a le tokololo ya setlhophatiro sa ga Tonakgolo ya Kapabokone, se se riwesitsweng maikarabelo a tlhotlhomiso ya go tlhomiwa ga, bantshadikuno ba nosetso ba ba tlhabologang.
Go ya ka bokao jwa borwa jwa Aforika, o amega ka mafolofolo mo kgwebong ya temothuo kwa Namibia le Botswana. Dr Laubscher o sa ntse gape a le tokololo ya Mokgatlho wa Tsamaiso ya Dijo le Temothuo, wa Boditšhabatšhaba (IAMA). O na gape le maitemogelo mo maemong a bokhuduthamaga le bosengbokhuduthamaga mo mofameng wa kgwebo. O sa tswa go tlhophiwa fa gautshwane ke Tona ya Badiri jaaka Modulasetilo wa bosengkhuduthamaga wa Setheo sa Bontshadikuno a Bosetšha (MPI) sa Aforikaborwa mme a dira jaaka mosupiwa wa temothuo e e rulaganeng mo maemong a. Go fitlha gautshwane jaana o ne a le tokololo ya Boto ya Yunibesithi ya Foreisetata jaaka moemedi yo o tlhophilweng wa batshwaedi.
Dr Laubscher o nyetse Annemarie mme o na le basetsana ba babedi le mosimane.
<fn>PulaImvula. KweekgrasMaize.2009-02.tn.txt</fn>
Byline: Dr. Jeanetta Saayman -du Toit, Setheo sa ARC, Potchefstroom, Tel: (018) 299-6297
Motlho - Cynodon dactylon - go bonala o tlholega kwa Boboatsatsi jwa Aforika kgotsa Asia. Tlhaga e e aname thata mo Aforikaborwa mme e bile e rwala maikarabelo a ditatlhegelo tse dintsi tse di amanang le phulo gammogo le dijalothoro.
Motlho ke tlhaga e e patlameng, e e namang ya motlhogelaruri e e anamang ka menamo le medi. Tlhaga e e sa ntse e ka anama ka didiriso le diphologolo tsa polase. Motlho ga o golele kwa godimo thata - gantsi ga o fete bogodimo jwa 40 cm. Seako (Setshwantsho 1) se na le ditsejwana tse di rulagantsweng jaaka menwana, di le 3 - 7 tsa boleele jwa 3 - 6 cm. Peo ya teng e phitshwa, borethe, phatsima le kgolokwe ya lee, ka boleele jwa go tswa 1,1 mm go ya bophara jwa 0,7 mm. E mela botlhofo le go gola ka go phorosela.
Motlho ke semela sa kgolo e e maatla a a kgonang go thuba konkoreite le sekontere. Lebaka la gore o bo o gola ka maatla jaana le o dira gore o nne mosola mo dikgaolong tse kgogolego ya mmu e tshwanetseng go thibelwa teng. Mefutapeo e e farologaneng ya motlho e tlhamilwe go dirisiwa mo meselemetsing (NK37), dillonong, mabala a kolofo le mabala a metshameko.
Motlho o naya dijalo kgaisano e e gagametseng, - mo ditlhageng tsa motlhogelaruri, motlho ke nngwe ya tse di thata go gaisa, ka jalo ke nngwe ya tse di bokete go laolwa. Ka ntlha ya gore tlhaga e e anama ka peo, medi le menamo, taolo e e feletseng ya tlhaga e, e tlhoka go tlhaloganngwa go go feletseng ga modikotshelo, tlhaloganngopopego le ikatiso (ntsifatso) tsa yona.
Motlho o tlhasela masimo ka dimikana tsa medi le peo, tse di ka anamisiwang ke diphologolo gammogo le ditlamelwana tsa polase. Jaaka go ntse le ka ditlhaga tse dingwe, peo ya motlho e tlhogela fela fa gaufi le boalogodimo, e tlhama medi ka bonakonako mme ka bofefo e tlhame logogo lo lo sa phunyelediweng. Motlho o gaisanela le dijalo sebaka, lesedi, metsi le dikotla tsa mmu, mme gape o ipaka mo didirisong le go tlhola ditatlhegelo tsa seikonomi tse di masisi.
Potso e e mo melomong ya mongwe le mongwe ke gore: A re ka laola motlho Ee, re ka laola motlho fela ga go na tharabololo ya ka pele. Taolo ka metšhine e kgaola menamo mme tota e rotloetsa kgolo ya tlhaga e le go e kgontsha go anama ka bonako le ka botlalo?
Mo letlhabuleng (Tlhakole le Mopitlwe), popego ya tlhaga e a fetoga mme e tseela dikotla kwa tlase mo meding go tlaa dirisiwa go falola mo dikgweding tse di tsididi tsa mariga. Letlhabula ke nako e e siameng ya go peita motlho. Dilitara tse 6 tsa "Glyphosate" (Roundup) ka heketara di tshwanetse go laola motlho ka nako e. "Glyphosate" e tlaa rorelwa kwa meding ke semela mme e tlaa bolaya semela sotlhe. Mo mabakeng a le mmalwa foo go ka nnang le go tlhoga gape, dimela di ka alafiwa bongwe ka bongwe. Go sa ntse go le botlhokwa go laola tlhaga e mo ditlhofing gammogo le mo ditseleng ka gore dikgaolo tse di ka nna motswedi wa tlhaselosešwa.
Mokgwataolo o mongwe o o tshwanetseng ke go kgaoganya menamo le medi. Ka nako ya mariga ka go dirisa tlhagolo ka metšhine. Morago ga go ribega mo marigeng, fela fa medi le menamo di godile sentle, go ka kgatshiwa ka dilitara tse tsa "Glyphosate" mo setlheng sa dikgakologo se se latelang - dira pakatetelo ya dibeke tsa tharo pele o tswelela ka paakanyommu ya setlha sa selemo se se latelang.
Taolo ya mofero ya matlharephaphathi mo dijalong tsa matlharephaphathi, le taolo ya mefero ya sekatlhaga mo dijalong tsa sekatlhaga, e sala go nna pharela mo bantshadikunong. Ka jalo go sala go nna bokete go laola motlho mo mmiding. Fa go kgonegang refosanya ntshodikuno ya mmidi le sejalo sa matlharephaphathi (dinawa tsa soya, matonkomane kgotsa sonobolomo) mme o laole mofero wa sekatlhaga mo nakong ya ntshodikkuno ya dijalo tsa matlharephaphathi. Ikopanye le moemedi wa dikhemikale tsa temothuo wa gago go go naya kgakololo ya selegae. Morago ga thobo ya dijalo tsa matlharephaphathi mo marigeng go ka ribegiwa go senya medi le menamo, mme gape ga latelwa ka tshelo ya dilitara tse 6 tsa Glyphosate ka heketara.
Boeletsa lenaneo jaaka le thadisitswe fa godimo. Go ka solofelwa gore morago ga dingwaga tse pedi tsa kalafi e, motlho o tlaa bo o laolesegile.
Fo go tshelwa Glyphosate, motlho o tshwanetse o a bo o tlhoga ka mafolofolo mme go nne le kgaolo ya matlhare e e lekaneng go monyela khemikale.
O se ke o a tshela Glyphosate fa semela se le mo ngodiegong (botsididi, komelelo kgotsa go betwa) ka gore se se tlaa ama monyelo bosula.
Latela ditaolo mo setshwaokaelong ka kelotlhoko.
Tlhokomela phokelelo ya khemikale mo dijalong tse dingwe.
Tlhokomela gore Glyphosate e masisi mo botennye jwa metsi a a dirisiwang go kgatsha.
Go tlhakanya amoniamo salefeite le Glyphosate go ka nna botlhale mo mabakeng a a rileng.
Gakologelwa gore go boloka madi mo pakeng e khutshwane go ka dira ditshenyegelo tse dikgolo mo pakeng e telele - dirisa selekanyo se se atlanegisitsweng sa khemikale fa go tlhokega taolo e e nonofileng.
<fn>PulaImvula. Land.2008-07.tn.txt</fn>
Ke ka bona jang lefatshe?
Ka kakaretso go ka twe methale yotlhe ya temothuo e batla gore e nne le lefatshe - e ka nna setokana sa lefatshe, jaaka "thanele" ya go jala merogo, kgotsa ya nna kaboabo ya lefatshe le le ka dirisiwang go fudisa mo dikgaolong tse di kgwatata.
Fela le gale fa lefatshe le tshwanela go dirisediwa temothuo, go tshwanetse gore go nne le phitlhelelo ya semolao ya lefatshe le - se se laola kamano magareng ga mong wa lefatshe le modirisi wa lefatshe (mo mabakeng mangwe o fitlhela mong le modirisi wa lefatshe e le motho a le mongwe).
Go na le diitlhophelo tsa thuolefatshe tse di farologaneng di le mmalwa tsa temothuo mme tsotlhe tse di tla ka dintlha tse di siameng dingwe gammogo le dintlha tse di ganetsang. Selo sa botlhokwa go gakologelwa fa ke gore ditumelano dife kampo dife tse di amanang le lefatshe di tshwanetse tsa bo di kwadilwe fa e le di tshwanela go ka tsepama mo kgotlatshekelong ya molao - tumelano ya molomo ga e bereke mo dikgannye tsa lefatshe.
Go le gantsi mo tshimologong ya botsalano jwa mofuta ofe kana ofe, maphata a a amegang a dumelana ka se se tshwanetseng go dirwa mme ba solofela tse dintle fela go tswa go matlhakore otlhe. Mo tsamaong ya nako go diragala gore botsalano jole bo tlhanye, mme go bo go ka iphitlhelwa go emelanwe kwa kgotlatshekelo ya semolao. Jaaka go tlhageletse mo dikgetsing tse dintsi tse di amang lefatshe, go tlhokega mokoa wa madi mme go botlhokwa go dira ditumelano tsa konteraka e e kwadilweng pele go ka dirwa sepe fela, go sireletsana ga matlhokore oobedi mo dikgotlhannye tse di ka tlhagelelang.
Go lema ditele.
Karolwana nngwe le nngwe ya lefatshe mo Aforikaborwa, le mo lefatsheng, e na le kano ya bong(title deed). Fa e le gore o mong yo o tshwanetseng wa karolwana ya lefatshe, gona o tlaa nna le kano ya bong ya lefatshe leo. Kano e na le tlhaloso ya karolwana eo ya lefatshe e e kgethegileng. Kano ke sediriso sa semolao se se dirisiwang go abela tshwanelo. Kano e itsege thata jaaka mokgwa wa phetisetso ya bong jwa boswa jwa tota go tswa mothong go ya go yo mongwe. Mo phetisong ya boswa jwa tota kano e fetisa bong go tswa go mong wa pele go ya go mong yo mošwa. Phetiso ya bong jwa boswa jwa tota e kwadisiwa mo diofising tsa kano mo ditikatikweng tse dikgolo go ralala Aforikaborwa. Kano ya bong ke bopaki jwa bong jwa lefatshe.
Mo makgating a le mantsi fa motho a batla go adima madi, ditheo tse di adimisanang ka madi di batla tshireletso ya kadimo. Ditheo tsa kadimiso ya madi di beeletsa madi ao badiri ba tsona ba a beeleditseng mo bankeng mme banka e batla go netefatsa gore madi a e a adimisitseng kwa ntle a bolokesegile. Mong wa lefatshe (motshodi wa kano ya bong) o ka dirisa lefatshe jaaka tshireletso ya kadimo. Bonto kgotsa "mortgage" e kwadisiwa kgatlhanong le kano ya bong. Bonto e kwadisediwa bokana kang jo bo kgethegileng bongwe jwa madi.
Go fa sekao, a re re motsholakano ya bong ya lefatshe o rata go adima R100 000 mo bankeng. Banka e tlaa kwadisa bonto ya R100 000 kgatlhanong le kano ya bong e e kgethegileng eo.
(mo lebakeng le banka) o ka pateletsa motsholakano ya bong go rekisa lefatshe gore montsholabonto a tle a kgone go boelwa ke madi a gagwe. Fa lefatshe le ka rekisiwa ka R200 000 (sekao fela) gona banka e ka tsaya fela selekano sa madi se se kolotiwang banka. Fa motsholakano ya bong a ne a adimile R50 000, gona banka e ka tsaya fela R50 000 le mororo bonto e le ya R100 000.
Fa motho mongwe a eletsa go dirisa lefatshe le e leng la mongwe, gona maphata a mabedi a tsena mo tumelanong ya khiriso kgotsa rente. Go mosola thata gore motho yo o batlang go dirisa lefatshe o tshwanetse go netefatsa gore tota mong wa lefatshe le a batlang go le dirisa leo, ke mang. Tumelano ya khiro ke tumelano e e kwadilweng magare ga maphata a mabedi mme e supa ka botlalo bogolo jwa lefatshe, paka ya boleele jwa tumelano, madi a a duelelwang khiro gammogo le matlha a dituelo.
Sekao, khiro e ka nna magareng ga Rre X (mohirisi kgotsa mong wa lefatshe) le Rre X (mohiri - motho yo o eletsang go dirisa lefatshe); ka polase ya Dawn, mo kgaolong ya Tweespruit, ya bogolo jwa 400 ha, ya lobaka lwa dingwaga tse tharo, ka bokana ka R150 ka heketara ka ngwaga, e e duelelwang kwa pele ka kgwedithataro nngwe le nngwe. Go sa ntse go tlaa nna le dintlha dingwe tse di tlaa akarediwang mo tumelanong ya khiro - sekao, mabaka a phediso ya khiro, tetla ya go tlosa ditlhare - kgotsa mabaka mangwe afe fela, a a ka dirang mo setshanyaneng seo sa lefatshe le le rileng.
Motho yo o hirileng lefatshe ga a kgone go dirisa lefatshe leo jaaka tshireletso ya kadimo ka gore se se ka dirwa fela ke motsholakano ya bong kgotsa mong wa lefatshe. Go a kgatlhisa gape go itse gore khiro e tla pele ga thekiso. Se se raya gore fa go na le tumelano ya khiro mo polaseng e gongwe e leng ya paka ya dingwaga tse tharo, mme mong wa lefatshe a eletsa go rekisa lefatshe leo pele ga paka ya khiro e fela, mong o tshwanela go buisana le mohiri - e ka nna go dira dithulaganyo gore mong yo mošwa a tsee khiro kgotsa mong o ka dumela go duela mohiri bokana kang jwa madi (a a dumelanweng) go fedisa khiro.
Go ya ka mabaka a setemothuo, tumelano ya khiro gantsi e magareng ga balemirui ba babedi - yo mongwe yo o leng mong wa lefatshe le yo mongwe yo o batlang go dirisa lefatshe, kgotsa magareng ga mmasepala le molemirui (gantsi se ke lefatshe la morafe le le leng la ga mmasepala) kgotsa le mmuso - go na le lefatshe la puso le lentsi le le leng la puso mme le dirisiwa ke batho poraefete ka tumelano ya khiro.
Mo Aforikaborwa 13% ya lefatshe e mo taolong ya thulaganyo ya semorafe - se se fetogela mo diheketareng di le dimilione tse 17. Boammaaruri ke gore lefatshe le ke la puso - gantsi ke la Lefapha la Merero ya Mafatshe, Lefapha la Temothuo kgotsa Lefapha la Ditiro tsa Setšhaba mme le laolwa ke dipusomerafe.
(deeds office) jaaka fela go dirwa ka dikano tsa bong). Go ntse le dikgannyana tsa barutegi tse dintsi tse di kwadilweng ka tiriso ya lefatshe la morafe mme batho ba le bantsi ba tshwaela ka bogabedi jwa dithulaganyo tse mo dinageng tse di kileng tsa busiwa ke bokoloniale - thulaganyo e e feletseng ka direkoto tse di feletseng mo lefatsheng le le ruilweng ke makgoa, mme go se na thulaganyo e e kwadilweng ya lefatshe le le tsamaisiwang ka semorafe. Fa maitlhomo a go nna le lefatshe e le ntshodikuno tsa temothuo le kwa bofelong e le phokotso ya lohuma, gona hee, gongwe ke nako ya gore thulaganyo ya semorafe e tseelwe tlhogong ka tlhoafalo mme go ribololwe mekgwa go tshwanela ditlhokego tsa ditheo tsa kadimiso go tsena mo bonneteng jo bo gona jwa mofuta o wa thuofatshe. Go sa ntse gape go tshikinngwa go dira patlisiso go ya pele ka kwadiso ya tshwanelo tsa lefatshe la semorafe - se se tota se tsamaelana le morero wa thuto ya patlisiso e ya motheo e e totisitsweng ditsela tse di kgonegang tsa go dira lefatshe le gajaana le leng mo taolong ya thuo ya semorafe go oketsa ntsho ya dikuno tsa temothuo.
Molaotlhomo o montšhwa o fetisitswe kwa palamenteng ya Aforikaborwa ka 2003 - Molaotlhomo wa Ditshwanelo tsa Lefatshe tsa Semorafe. Moko wa molaotlhomo o ke gore lefatshe lotlhe le gajaana e leng la puso mme le dirisiwa ke merafe (mo tsamaisong ya pusomorafe) le tshwanetse go sitlhamololelwa mo morafeng o o le dirisang - morafe o tshwanetse o tlhame setheo sa semolao (legal entity) go atlanegisiwa Mokgatlho wa Dithoto wa Semorafe - (Communal Property Association) le go bona kano ya bong ya lefatshe leo. Ditlamorago tsa molaotlhomo o le gale di na le dinonofo tse di tseneletseng mo motheong wa maatla a dikgosi. Gajaana kabo ya lefatshe la morafe e mo diatleng tsa pusomorafe - fela fa Molao o o diragadiwa, morafe o tlaa amogela bong jwa lefatshe mme pusomorafe ga e kitla e nna le dithata tsa go aba lefatshe, se gajaana e leng motheo wa maatla a bona.
Ntlha ya go lema mo lefatsheng la morafe e na le dinonofo tse di masisi mo dintlheng tsa kgwebofatso ya balemi ka ntlha ya mabaka a a farologaneng.
Ka gore molemirui e se mong wa lefatshe, ga a kgone go dirisa lefatshe jaaka tshireletso ya dikadimo (go na le gale le mosola mo go se - fa o sa kgone go bonta lefatshe gona lefatshe le ga le ka ke la tsewa mo go wena fa o sa kgone go duela kadimo. Thulaganyo e e ka dia tswelelopele, fela fa molemirui a ineetse, o ka tswelela pele ka go gata dikgato tse dinnye go ya pele le go nna le mathata a mannye).
Selekano sa lefatshe le le lengwang le le newang lelapa lengwe le lengwe go ya ka thulaganyo ya tetlo ya tiriso, ga se se sekae - gape se farologane go tswa Botlhaba (koo balemi ba abelwang 1 ha - 2 ha) go ya Bophirima (koo balemi ba abelwang 15 ha).
Lefatshe la phudiso le dirisiwa ke morafe otlhe mo go rayang gore go bokete go diragatsa tsamaiso ya phulo ka gore badirisi botlhe ba tlaa tshwanela go dumelana ka thulaganyo ya tsamaiso e e tshwanang (sk. gore ke dikarolo dife tse di tlaa fudisiwang le gore ke dife tse di tlaa ikhutsisiwang ka nako nngwe e e rileng le gore dipoo di ka tsenngwa leng le go ntshiwa leng mo dikgomong).
Batho bangwe ga ba dirise lefatshe le ba le abetsweng. Mo dikgaolong dingwe batho ba bangwe ba ka buisanela go dirisa lefatshe le le jaana (ka go fa mong dingwe tsa dikuno tsa lefatshe leo kgotsa go mo duela rente). Mo dikgaolong tse dingwe le gale fa mong wa lefatshe a letla motho yo mongwe go le dirisa, o latlhegelwa ke tshwanelo ya tiriso ya lefatshe leo. Se se baka go tlhoka go dirisiwa ga diheketara tse dintsintsi tsa lefatshe la temo ka mong a sa batle go ipona a latlhegelwa ke go nna le lefatshe.
Go lema ditele ke thulaganyo ya thuolefatshe e e tlwaelegileng fa motho yo mongwe a na le tiriso ya lefatshe ya semolao fela a sena ditsompelo tsa go le dirisa. Mo tumelanong ya go lema ditele, motho yo mongwe gantsi o tlisa lefatshe mo semphatong, fa motho yo mongwe ena a tlamela ka ditsenngwateng gammogo le metšhine le go dira tiro. Dintlha tsa tota tsa tumelano di tlaa farologana go ya motho ka motho - mo mabakeng mangwe e ka nna go arogana dipoelo (le mororo se se ka nna bokete go balelwa), kgotsa karolo ya dikuno. Sekao sa se e ka nna tumelano ya go lema ditele eo mo go yona mong wa lefatshe a amogelang 10% ya dikuno - kgetse e le nngwe mo dikgetseng tse di lesome(10) dingwe le dingwe tse di bonweng kgotsa tono e le 1 mo ditonong tse 10 dingwe le dingwe tse di bonweng. Mofuta o wa tumelano o baka gore maphata ka bobedi a dire sentle mo setlheng se se siameng le go dira bokete mo setlheng se se bokoa. Fela le gale mo tumelanong ya khiro mohirisi o bona bokana kang jwa madi jo bo tshwanang go tswa mo mohiring go sa kgathalesege seemo sa setlha - se se rayang gore mohiri o ka iphitlhela mo mathateng a matlole, fa setlha se le bokoa mme go na le lotseno lo lonnye kgotsa lo se yo gotlhelele.
Kwa bokhutlong, go na le dithulaganyo di le mmalwa tse di ka dirwang go fitlhelela lefatshe. Fa o batla go dira temothuo, ga o tlhoke go nna mong wa lefatshe - dira thulaganyo e e laolesegang mme o simolole - motho yo o ka se keng a nna molemirui ka gope, ke motho yo o se keng a simolola.
<fn>PulaImvula. Leaves.2007-12.tn.txt</fn>
Ntlhang matlhare a mmidi a se matala?
Mo nakong e ya ngwaga, dimela tsa mmidi mo dikgaolong tse dintsi di godile sentle mme go a kgonega go lemoga ditlhaelo tsa dikotla.
Se ke tšhono e ntle thata ya go tsamaya o lekola masimo a gago le go bona mathata a o ka nnang le ona le go baakanngwa go sa le jaanong (sekao: tlhaelo ya Naeterojene e e ka baakanngwang ka nontshogodimo ya LAN), le a mangwe a a ka baakanngwang setlha se se latelang.
Tlamelo e e lekaneng ya naeterojene e amanngwa le kgolo e e phophomang ya dimela le mmala wa botala jo bo timpetseng kgotsa bosetlha. Tshetlhafalo e gale e simolola kwa nkong ya letlhare le go fologa le bogare jwa lona go ya kwa kutung. Fa tlhaelo e le maswe thata, kwa bofelong kgaolo e e amegileng e fetoga go nna borokwa le go swa. Ka gonne naeterojene e tsamaya mo semeleng, matlhare a magologolo ke ona a ntrha go bontsha ditshupo tsa tlhaelo ya naeterojene.
Mmidi o ka bontsha ditshupo tse dintsi jaaka tshweufalo ya matlhare a mantšhwa. Gape o ka bontsha methalo e mesetlha e e sephara mo letlhakoreng le le lengwe kgotsa matlhakore oomabedi a mokwatla wa lethlhare. Ditshupo tsa ditlhaelo tsa sinke di tlhagelela jaaka tlelorosise ya ditshikanatlhare le tshetlhafalo ka kakaretso ya matlhare a a kwa godimodimo. Magale, mokwatla le nko, tsa letlhare, di sala go nna ditala. Gantsi dimela di a huba.
Salofere ke karolo e e tlhokegang thata mo diaminoesete le diporoteine tse dintsi. Ka gonne tse e le diboloko tse di agang mo semeleng, salefore e nna karolo e e tlhomameng ya popego ya semela. Tshupo e e bonagalang ya ditlhaelo ke timpalo ya mmala ya matlhare a manana, fela le gale, go le gontsi matlare otlhe a na le mmala wa botala jo bo timpetseng, fela timpalo magareng ga matlhare a magologolo le a manana ga e bonale bonolo. Se se ka isa kwa temogobolwetseng e e fosagetseng ya tlhaelo ya N go na le tlhaelo ya S (Ditshupo tsa tlhaelo ya naeterojene di tlhagelela pele, mo matlhareng a magologolo). Mo mabakeng a mangwe ditshika tsa letlhare di ka nna le mmala o o letsatsa go na le ditogwa tse di di dikologileng.
Dithaelo tsa salefore di tlhagelela morago ga tiriso e telele ya menontsha e e se nang salefore jaaka motlhaoloso o o se nang mmala le dikuno tse dingwe tse di nang le meloiso ya foseferase e e kwa godimo.
Tlhaelo ya potasiamo e itsege ka kgolo sa semela e e fokotsegileng le ka tshetlhafalo le/kgotsa go swa ga magale a letlhare. Ka gore potasiamo e tsamaya mo semeleng, ditshupo di bonala mo matlhareng a magologolo pele. Tshupo e nngwe ya tlhaelo ya potasiamo ke go fokotsega ga thata ya lotlhaka le go tlhola mathata a go wa, phokotsego ya kemelano le malwetse le phokotsego ya thatafalo ya mariga ya dijalo tsa ngwaga tsa motlhogelarui kgotsa mariga.
Ditshekatsheko tsa potasiamo, e e fitlheletsweng ka mekgwa ya kgopo e e farologaneng, di a tsamaelana. Ditshekatsheko tse mmugodimo wa mebu ya motlhaba ga go minyegela ga potasiamo mo mmutlaseng.
Mmala wa botala jo bo letobo kgotsa botala jo bopududu.
Mmala o o kgonegang wa selaole mo dikarolong dingwe tsa semela.
Phokotsego ya go tsala le/kgotsa ntshodikuno ya peo.
Tiego mo go butsweng.
<fn>PulaImvula. Lepati.2008-01.tn.txt</fn>
"Bosigong jo, ke motho yo o lebogang. Ke leboga Modimo ka lorato lwa temothuo lo o lo mphileng." Ano ke mafoko a ga Lepati Macaphasa, Montshadikunothoro yo o Tlhabologang wa Grain SA/ABSA wa Ngwaga wa 2007, a a bontshang gore lorato lwa temothuo lo a tlhokega go dira temothuo ka katlego.
Lepati o tsaletswe mo polaseng kwa sedikeng sa Fouriesburg mme o sale a ntse a na le lorato lwa temothuo go tswa bonyaneng. Morago ga dingwaga tse tharo tsa go tsena sekolo, Lepati o ne a simolola tiro ya lorato lwa gagwe ya dingwaga tse 54 mo polaseng ya Fouriesburg koo a neng ka bonako fela a nna foromane.
Kwa bofelong o ne a tsweletsa lorato lwa gagwe mme a ithekela lefatshenyana le e leng la gagwe. Le mororo a sa tsena sekolo o ne a fetolela polase e go nna kgwebo e e tsweletseng mo dingwageng di le lesomenne. "Ke mongwe wa batho ba ba filweng lorato lwa go ntshetsa ba bangwe dijo. Lorato lo lo mo pelong e ya me lo tsentswe moo ke Modimo."
Tshimololo ya tiro ya me ya temothuo e nnile bonolo ka ntlha ya maitemogelo a ke neng ke setse ke na le ona, go buile jalo Lepati, yoo gajaana a leng mong wa diheketara di le 506 tsa lefatshe e bile o hirile diheketara tsa tlaleletso di le 200 mo montshadikunong mongwe mo sedikeng sa Kestell. Kgwebo ya ga Lepati e matlhakore mabedi: dithoro ka ntlha e nngwe le thuo e e atlegileng ka fa go le lengwe.
Jaaka karolo ya setlhophathutano sa Montshadikuno yo o Tlhabologang wa Grain SA, Lepati o dira mmogo thata le Johan Kriel, Mogokaganyi wa porofense wa Lenaneo la Montshadikuno yo o Tlhabologang wa Grain SA mo Foreisetata. "Lepati ke monna wa serodumo se se kwa godimo. Fa a le teng go a utlwala e bile o tlotlwa ke botlhe ba ba kopanang nae. O itse go amogela batho ba bangwe e bile o rata bana ba bana ba gagwe thata", go rialo Johan.
Lepati o jetse diheketara di le 320 mme o diragatsa thulaganyo ya thefosanyo magareng ga mmidi, korong le "sugar beans". Tseosekao ya mmu e dirwa dingwaga dingwe le dingwe tse pedi go netafatsa gore fomula ya nontsho ya mmu e mo tekatekanong e e siameng. Mefero e laolwa ka dikhemikale le ka dimatšhine. Mo setlheng se se fetileng Lepati o jetse ka katlego mmidi wa GM lwa ntrha. "Ke tlaa tswelela go jala mmidi wa GM mo isagweng, ka ntlha ya taolo ya disenyi e e bonolo, go rialo Lepati."
Ka ntlha ya taolosemotšhine e e siameng, diterekere le didiriso tsa ga Lepati di mo maemong a a itumedisang tsotlhe. Ka 1974, fa Lepati a ne a simolola temothuo, montshadikuno wa mogwebi o ne a mo fa terekere ya Ford 500. Terekere e e sa ntse e le mo siemong se se siameng sa go diria le gajaana, tota le fa e le go rotha oli tota. Fa kgwebo ya ga Lepati e ntse e gola, o ne a tlaleletsa ka Massey 188, Ford 66, Ford 7610 le. New Holland 6640 ntšhwa mo lesomong la gagwe la bodiri. Diterekere tse di tlhulwa gangwe le gape, mme diforomo tsa tsholodirekoto e e tlhomameng ke darolo ya tirego.
Barwa Lepati, ba babedi, ba le bone ba tseneng mo kgwebong e, ba kgweetsa diterekere tse. Go na le badiri ba leruri ba le babedi mo polaseng, mme fa go tlhokega, go hirwa badiri ba nakwana.
Ga go na kgwebo epe ya temothuo e e se nang likgwetlho mme mo go Lepati, tlhaelo ya motlakase e mo direla mathata. O dirile kope kwa Eskom go mo tsenyetsa motlakase mo polaseng, se se tlaa mo kgontshang go baakanya diterekere le didirise tsa gagwe botoka thata.
Loruo lwa ga Lepati ke dikgomi le dinku. Bogolo ywa palo ya dikgomo tsa gagwe ke dikoroso tsa Bonsmara, mme e ka nna dikgomo tse dinamagadi tse dikgolo di le 85 mme dinku di ka nna 100. Go ya ka Lepati, loruo lwa gagwe lo mo tlamela ka kotara ya palogotlhe ya lotseno - o rekisa dinamane tse a di kgwisang kwa difantising tsa selegae fa setlha sa letlhabula se ya bofelong. Dinamane tsa gagwe ke tsa boleng jo bo kwa godimo e bule o setse a fentse kgaisano ya setlhopha se se gaisang sa makgwisiwa. Kgaisano e ne e tshwerwe kwa nngweng ya difantisi tsa selegae, mme Lepati o ne tota a gaisana le bantshadikuno ba kgwebo. Diheketara tse 386 tsa lefatshe la gagwe di dirisediwa mafula a tlhago.
Phuthaditjhaba ke lefelobodirelo la itlhophelo la ga Lepati koo a nnang teng le mosadi wa gagwe Nooi, le barwawe ba babedi. Ke madi a o a amogetseng ka go fenya moputso wa Montshadikunothoro wa Grain SA/ABSA wa Ngwaga, o buile jaana mo go Johan Kriel. "O itse ke eng Johan, jaanong nka reka peo e ntsi go jala karolwana ya lefatshe la me". Se jaanong ke mafoki a montshadikuno wa tota.
<fn>PulaImvula. Livestock(maize).2011-03-14.tn.txt</fn>
Caption 1: Setshwantsho se se bontsha dikarolo tsa tsela ya tshilo ya dijo ya kgomo.
Caption 2: Mogodu le diteng tsa ona (moswang).
Caption 3: Setshwantsho se se atametseng thata sa lobota la mogodu.
Caption 4: Lobota lwa marakanamantsi.
Caption 5: Ponalo ya ditogwa tse di menaganeng tsa lobota lwa ntshothwane.
Fela jaaka rotlhe re lemoga, temothuo ke kgwebo mme gore e tswelele, kgwebo e tlhoka go dira poelo. Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng, go oketsegile go nna bokete thata go dira dipoelo mo ntshokunong ya mmidi.
Ditshenyegelo tsa ditsenngwateng di tsweletse go oketsega mme tlhotlhwa ya dithoro ga e kgone go lepalepana le se. Gajaana bantshakuno ba leka bojotlhe go oketsa go boelwa mo temong ya mmidi. Go na le ditsela tse di farologaneng tsa go atlega mo go se mme tsela e nngwe ya tsona ke go tsenya ntlha ya loruo.
Bontsi jwa bantshakuno bo na le loruo: dikgomo, dinku, le dipodi. Di fula mo lefatsheng la phulo leo gantsi le lekaneng fela setlha sa selemo, fela gantsi ga go dirwe tlamelo e e lekaneng ya go fepa loruo le mo dikgweding tsa mariga. Fa o batla go nna, kgotsa o itsaya jaaka montshakuno wa loruo, o tshwanetse o akanye thata ka go nna montshakuno wa furu; o ka rua loruo fela fa o na le dijo tse di ka di jang.
Gore o kgone go fitlhelela phitlhelelo e e kwa godimo ya loruo, go botlhokwa go tlhaloganya gore thulaganyo ya tshilodijo ya seotli e dira jang. Ka bokhutshwane, go na le mefuta e mebedi ya dithulaganyo tsa tshilodijo mo diphologolong tsa legae, tsa mogodumongwe, sekao kolobe, pitse (le motho) le diotli, sekao; dikgomo, dinku, dipodi (le difudi tsa bojang tse dingwe). Seotli se na le megodu e le mene, e mongwe le mongwe wa yona o nang le tiro e e kgethegileng.
Mo letsatsing le le tlwaelegileng la kgomo, e tlaa tlhoka go fula diura di le robedi (go ja digwata), mme tse dingwe tse robedi e tlaa bo e robetse, mme tse dingwe tse di robedi e tlaa di dirisetsa go otla. Fa kgomo e sena go ja bojang e nwa metsi mme e bo e iketla go simolola tirego ya tshilodijo. Bogolo jwa dikarolwana tsa bojang jo bo jelweng fa e fula di dikgolo, mme ka jalo kgomo e kgobola bongwe jwa bojang le go bo tlhafuna lwa bobedi go dira gore dikarolwana di nne dinnye le go bo tlhakatlhakanya le mathe (a a tlhokelwang tshilodijo). Tshugo e ya semekhenike e dira gore go nne bonolo mo ditsenngwatennyeng go iphepa ka jona (go tlaa anelwa ka yona kgantelenyana mo kgannyanneng e).
Go simolola puisano, a re lebe tsela ya tshilodijo ya seotli.
Molomo o dira tshimologo ya tirego yotlhe ka gore dijo di tshwanetse go jewa. Molomo o akaretsa boalo jwa meno (a a tlhogang morago ga tsalo), loleme le dikgeleswa tsa mathe.
Mometso o o leng tšhupu e e o golaganyang le molomo wa mogodu wa ntlha (o o bidiwang mogodu).
Mogodu kgotsa mogodu wa ntlha, o dira jaaka pidisetso e kgolo. Ga go na okosijene (mowa) mo mogodung mme ke sona se o bidiwang gore o anerobiki. Mogodu o tsentse dijo le digwata (roughage) (matheriale o o tshwanang le tlhaga) tse di jewang ke kgomo mme o na le mothamo wa diletara di le 100 - 120. Kgomo e e godileng e tlhoka go ja go batla go nna dikhilogeramo di le lesome tsa matheriale o omileng le diletara di le 50 tsa metsi ka letsatsi. Diteng tsa mogodu di tsholwa di tsamaya ka dinako tsotlhe.
Mo mogodung go na le ditshedinnye tseo di thugang bojang go nna mo sebopegong se se ka silwang ke kgomo. Kwa ntle ga dibaketheria tsa mogodu le potorosoa kgomo e ne e ka se ke ya sila dijo dipe. Baketheria ya mogodu e sila digwata go dira diesete tsa mafura tse di sa nnesigeng, go dira poroteine le dibetamine.
Ditshedinnye tsa mogodu di dira ka mefuta e e kgethegileng ya digwata, go na le ditshetsana tse di farologaneng tsa difepi tse di farologaneng. Ke sona se go tlhokegang go tshola njo ya kgomo e sa fetofetoge ka fa o ka kgonang ka teng le go tlhagisa diphetogo ka bonya. Fa njo e fetolwa, ditshetsana tse di farologaneng di tlhoka go itsadisa go ka ikgontsha go mekamekana le dijo tse dintšhwa, mme se se tsaya malatsi a a ka nnang mararo.
Marakanamantsi o itsege jaaka mogodu wa bobedi. Se se dira jaaka tsela magareng ga mogodu (wa ntlha) le ntshothwane (mogodu wa boraro koo monyelo ya metsi e diragalang gona). Marakanamantsi gape o dira jaaka serai sa selwana sengwe le sengwe se se sa silegeng se se ka bong se meditswe ke kgomo, sekao lenathwana la bothale, kgotsa letlapa, jalojalo.
Ntshothwane ke mogodu wa boraro mme o dirwa ka ditogwa tse di menaganeng di le dintsintsi. Tiro kgolo ya ona ke monyelo ya metsi.
Ngati ke mogodu wa bone le wa bofelo koo dijo tse di otlilweng tsa bo tsa otliwa di berekwang gona ke diensaeme tsa tshilodijo e le gore di fetolele dijo mo sebopegong se di ka monyelwang ke mala a masesane.
Mala a masesane ke gona kwa monyelo e diragalang gona. Kwa bofelong dijo di tsenelela mo methapong ya madi a kgomo mme di isiwa kwa dirweng tse di farologaneng tsa kgomo go tsweledisa pele.
Go tswa mo mmuisanong o o bonolo o o fa godimo, o simolola go lemoga gore go botlhokwa thata jang go fepa loruo lwa gago ka tshwanelo. Lobaka lwa go rua loruo e ka tswa e le go rekisa dikuno tsa lona (jaaka mašwi), boboa (nku kgotsa podi), kgotsa go rekisa bana ba tsona (dinamane, dikonyana le dipotsane), kgotsa go ja nama ya tsona. Fa diphologolo di fepilwe sentle, le go tlhokomelwa, di tlaa kgona go go tsalela mme ka tsela e tsa tshwaela mo go direng poelo mo kgwebong ya temothuo ya gago.
<fn>PulaImvula. Machinery(maize).2011-03-14.tn.txt</fn>
Mo setlheng sa tshemelelo sa selemo, ka gale go mo lebelong la go bona tiro yotlhe e dirilwe mo nakong e e leng teng. Bogolo jang mo setlheng sa selemo se se fetileng se pula e tlile thari, ka jalo nako e e teng e ne e le botlhokwa go gaisa.
Ka gale, mo nakong e ya ngodiego, tlamelo le phepafatso ya diterekere le didiriso e tlaa kwa bofelofelong jwa lenaneo la ditlapele. Jaanong ka lethuuthuu le fedile, tsaya nako go tlhokomela didiriso tsa gago.
Tlhatswa mmu, leswe le makgome a kirisi mo didirisong mme o pente gape mafelo a a kgobogileng le a a onetseng. Se se thibela rusu go senya sediriso le go leelefatsa botshelo jwa sona.
Logetsa motšhine/sediriso sotlhe jaaka go atlanegisiwa mo kaeding ya modirisi.
Mo polokelong e e sireletsegileng, fa go na le dikarolo tse di phuthegang, di digele fa fatshe.
Sireletsa botlase le dikouletere kgatlhanong le rusu ka go di mota ka kirisi kgotsa ka pente e e thibelang rusu ya botlase jwa mogoma.
Dira lenaneo la dikarolo kgotsa dipaakanyo tse di tlhokegang. Di reke le go di tsenya pele ga setlha se se latelang.
Fa go kgonegang teng boloka didiriso ka fa gare, mme o tlose bokete mo dithaereng.
Baya diboto ka fa tlase ga matlase go thibela kamano le lefatshe le go rusa.
Tlosa diselentara tsa haeteroliki kgotsa o golole diselentara gotlhelele go thibela diroto tsa selentara go rusa.
Thulo e e tshwanetseng ya polantere ya dijalo ka mela e ka raya pharologano magareng ga poelo mo dijalong kgotsa tatlhegelo e e boitshegang. Tlhopho, jalo, katelo le tiisetso ya peo ke ditiro tse di masisi le botlhokwa thata mo ntshokunong ya dijalo. Fa polantere e sa dire sentle ka ntlha ya tlamelo e e bokoa, gona dipholo tse di ka bonwang e tlaa nna thobo e e kwa tlase go na le e e neng e solofetswe.
Tsholola le go phepafatsa dibokoso tsa monontsha, dibolayatlhatshana le dibolayasenyi, gammogo le matlase a dihopha tsa peo go thibela go rusa le jego.
Tlhola dikarolo tse di onetseng le tse di robegileng le go di baakanya pele ga setlhajalo se se latelang.
Tshasa dibulaforo, dikhabara tsa dikara le diseke le dikgaolo dife le dife tse di pholetšhilweng ka oli kgotsa kirisi go thibela rusu.
Logetsa diberiing tsotlhe.
Lotlelela dimakhase mo kemong ya go tsamaya le go boloka polantere mo kagong. Boloka polantere ka maotwana a sa kgome lefatshe kgotsa bodilo.
<fn>PulaImvula. Machinery(opot).2011-01-12.tn.txt</fn>
Mo setlheng sa selemo sa letlhanetlhane, go nna le lethuuthuu la gale la go batla go dira tiro yotlhe mo nakong e e leng gona. Bogolosegolo mo setlheng sa selemo se se fetileng dipula di nele thari thata ka jalo nako e e gona e ne e le botlhokwa go gaisa metlha yotlhe.
Ka gale, mo nakong e ya ngodiego, tlamelo le phepafatso ya diterekere le didiriso, di isiwa kwa tlasetlase mo lenaneong la ditlapele. Ka jaanong lethuuthuu le fetile, dira nako go tlhokomela didiriso tsa gago.
Phepafatsa mmu, matlakala le bomoto jwa kirisi mo didirisong mme o pente mafelo a a kgobogileng kgotsa a onetse. Se se thibela rusu go senya didiriso le go leelefatsa botshelo jwa tsona.
Logetsa motšhine kgotsa sediriso sotlhe go ya ka dikatlanegiso tsa kaedi ya modirisi.
Go nna le poloko e e babalesegileng, fa go na le dikarolo tse di phuthegang, di digele tlase go kgoma lefatshe.
Sireletsa botlase le dikouletere mo rusung ka go di mota ka kirisi kgotsa pente ya sithebelarusu ya botlase jwa mogoma.
Kolaganya dikarolo kgotsa dipaakanyo dife le dife tse di tlhokegang. Di reke le go di tsenya pele ga setlha se se tlang.
Fa go kgonegang boloka didiriso ka fa gare mme o tlose bokete mo dithaereng.
Baya diboto ka fa tlase ga botlase go thibela go kgoma lefatshe le go rusa.
Golola disilentara tsa haeteroliki kgotsa o di somole gotlhelele go thibela diroto tsa silentara go rusa.
Paakanyo e e tshwanetseng ya polantere e e jalang ka mela e ka raya pharologanyo magareng ga dijalo tse di nang le poelo le ditatlhegelo tse di boitshegang. Tlhopho, thothetso, khurumetso le katelo ya peo ke ditiro tse di masisi thata mo tirong ya ntshokuno ya dijalo. Fa polantere e sa dire sentle ka ntlha ya tlamelo e e bokoa, gona dipholo tse di ka nnang ke thobo e e kwa tlase go na le e e neng e solofetswe.
Thulega le go phepafatsa dibokoso tsa menontsha, dibolayatlhatshana le dibolayatshenekegi, gammogo le botlase jwa dikgamelo tsa peo go thibela rusu le jego.
Tlhola dikarolo tse di onetseng kgotsa robegileng, mme o tsenye tse di siameng pele ga setlhajalo se se latelang.
Tshasa dibulaforo, dikhurumetsathipa kgotsa diseke le dikgaolo dife kana dife tse dingwe tse di pholitšhiwang ka oli kgotsa kirisi go thibela go rusa.
Logetsa dibering tsotlhe.
Lotlelela ditshwai mo maemong a thoro mme o boloke polantere ka mo kagong. Baya polantere mo dibolokong maotwana a sa kgoma lefatshe kgotsa bodito.
<fn>PulaImvula. Maintenance.2007-12.tn.txt</fn>
Go diragatseng ka tlamelo?
Ditshwantsho tse tsa koko e elametse mo dikgamelong tsa polantere le mae a beetswe mo thulubokosong ya terekere, di re tsibositse ka tlamelo ya dimatšhine. Konalo e ga e diragale ka letsatsi le le lengwe - ke dipholo tsa tlhokatlhokomelo ya dikgwedi le dingwaga tse dintsi.
Tirisometshine ke karolotshwaragano ya temothuo ya kgwelo - kwa ntle ga yona re lekanyeditswe mo selekanyong sa tiro e motho a le mongwe a ka e dirang mo letsatsing le le lengwe. Tlamelo ya dimatšhine e setseele mokgwa wa botshelo - tlhokomelonyana ya letsatsi le letsatsi mme ka jalo ga go ka ke ga nna le mathata.
Tlobego gantsi e diragala fa terekere kgotsa sediriso se dira - fela gape ke yona tota nako e o di tlhokang ka yona. Fela le gale fa o ka tsaya tsia tlamelo ya thibelo, o ka ipolokela madi a man le nako e ntsi. Nako ya kemisotiro mo moleming ka setlha sa tshemelelo e ka tlhola tswelelopele kgotsa poelomorago mo moleming.
Eno ke Pula ya Sedimonthole e bile ke nngwe ya dikgwedi tse mo go tsone balemirui ba bantsi ba semeletseng mo masimong a bona - ba jala dijalo tsa mmidi tsa bofelo, ba tlhagola masimo go laola mofero, ba kgatshetsa sebokophetlhi le go roba korong ya bona. Go na le dikgakololo di se kae tse di ka go solegelang molemo.
Tlamelo ya letsatsi le letsatsi mo terekereng e botlhokwa thata go feta jaaka badirisi ba bantsi ba dumela.
Dikarolo tse di repileng kgotsa dikarolo tse di sa setelegang di ka tlholega (feila), tsa wa kgotsa tsa senyega, le go dira gore terekere e se ke ya babalesega go dirisiwa.
Tlhola le go tlamela setlhatswamowa.
Tlhola mothamo wa oli ya kerenkekheise.
Tlhola mothamo wa seedi sa thulaganyo ya tsidifatso.
Logetsa dikarolo tsotlhe tse di kirisiwang.
Tlhola modutwana wa magweregwere a leokwane.
Se se ka utlwala jaaka tiro e ntsi, fela fa o ka latela tsamaiso e potlana e, terekere ya gago e tlaa tswelela go go direla mme o tlaa roba dijalo tse di itumedisang kwa bokhutlong jwa setlha.
Kwa bokhutlong jwa setlha sa selemo, didiriso tse dintsi di bewa go fitlha setlha se se latelang.
Tlosa leswe lotlhe, mmu o o bopeletseng le kirisi e e leswe mo motšhineng.
Penta mafelo a pente e kgobogileng mo go ona.
Tshasa dikarolo tse di tsenang mo mmung ka pente kgotsa kirisi e ntsi go thibela go rusa.
Logetsa motšhine otlhe jaaka go atlanegisiwa mo kaeding ya modirisi.
Boloka didiriso ka fa gare (fa go kgonega) go thibela go onala.
Tsholetsa sediriso mme o se tshegetse go efosa boima mo dithaereng. Sireletsa dithaere mo letsatsing fa e le gore didiriso di beilwe kwa ntle (kgetse fela e siame).
Fa didiriso e le tsa haeterolike, tsenya lloko ya pabalesego le go tlosa kgatelelo mo diselintara tsa haeterolike kgotsa o digele motšhine fa fatshe. Gogela diselintara tsotlhe kwa morago go sireletsa diroto tsa diselintara mo go ruseng.
Tlhotlhora le go tlhatswa dibokose tsa monontsha, dibolayatlhatshana le dibolayadisenyi, gammogo le mase a dihopore tsa peo go thibela rusu le jego.
Tlhola dikarolo tse di onetseng kgotsa robegileng le go baakanya pele setlha sa jalo se se latelang.
Tshasa dibulaforo, dithipa kgotsa dikhabara tsa didiseke le dikarolo tse dingwe tsotlhe tse di pholetšhilweng ka oli kgotsa kirisi go thibela go rusa.
Logetsa dibering tsotlhe.
Lotlelela dimmakhase di le mo maemong a go tsamaya le go boloka polantere mo kagong.
Tshegetsa polantere ka diboloko ka maotwana a sa kgoma lefatshe kgotsa bodilo.
<fn>PulaImvula. MaintenanceMaize.2008-12.tn.txt</fn>
Byline : E baakantswe go tswa Khosong ya Tlhabololo ya Bokgoni jwa Setegeniki ya Grain SA ke Jane McPherson.
Matlhale a tlamelo le poloko a a siameng ga a rulaganye fela dipaakanyo tsa pele ga setlha tsa ngwaga o o tlang mme gape a godisa tiragatso ya sekgatshi fa gape a oketsa dingwaga tsa botshelo jwa sona.
Kamano ya pakatelele le dibolayasenyi tse dintsi tse di fetang mo sekgatshing e ka ja le go koafatsa dikarolo tsa sekgatshi, pente le digokedi tsa motlakase. Masalela a dikuno tse a ka nna kotsi mo mongweng le mongwe yo o dirang ka motšhine. Gape masaledi a dibolayasenyi a a iphitlhileng mo dikarolong tsa sekgatshi a ka senya dijalo fa a ka fetelela kwa setlhakgatshong sa ngwaga o o tlang.
Pabalesego ya sebele ya gago le ya balapa la gago, badiredi ba gago le dijalo, e dira gore go nne botlhokwa mo go wena go phepafatsa le go kgotlolola sekgatshi sa gago ka botlalo mo setlheng magareng ga dijalo le pele o se boloka mo marigeng. Gakologelwa gore bontsi jwa dikhemikale tse di dirisiwang mo temothuong di kotsi mo dimeleng le /kgotsa diphologolong, ka jalo go tshwanetse go elwe tlhoko thata go tlhaloganya dikotsi tse di ka nnang le go laola maemo ka fa go ka kgonegang ka teng.
Tirego e ya tlamelo le poloko e e feleletseng e akaretsa dikgato di le tlhano.
Pele o simolola go phepafatsa sekgatshi sa gago, netefatsa gore o boeletsa setshwaokaelo sa sebolayasenyi se o se tshetseng.
Tlhalosa ka botlalo ditlamelwanatshireletso tsa Sebele (Personal Protective Equipment) tse o di tlhokang go tlhatswa sekgatshi sa gago ka pabalesego.
Maikaelelo a go tsokotsa ke go tlosa moloiso ofe kana ofe kgotsa dikgaolo tse dikgolo tsa kuno tse di ka bong di sa ntse di le mo teng kgotsa godimo ga sekgatshi. Go phepafatsa ditlamelwana tsa sekgatshi go tsenyeletsa go kgadikanya metsi go tsamaya le thulaganyo yotlhe le go a tshela mo lefelong le le kailweng mo setshwaokaelong sa sebolayasenyi se o se dirisitseng (ka mafoko a mangwe, go kgatsha metsi/motswako wa khemikale o o tswapotsweng, o jaanong o bidiwang motsokotso (rinsate) mo kgaolong e e babalesegileng).
Go netefatsa gore o phepafatsa tanka gammogo le dipeipi le dinosele, gatlharisa tanka ka metsi a a phepa mme o tsamaise terekere sekgala se se khutshwane mo go nngwe ya ditsela tsa mo polaseng - go kgothosela mo tseleng go tlaa kgotlhokgotsa metsi, mme se se netefatsa gore a phatšhegela leteng lotlhe la tanka. Metsokotso e le mmalwa o dirisa selekanyo se sennye (e ka nna 10% ya mothama wa tanka ya sekgatshi) e botoka go na le go tlatsa tanka ka gangwe ka metsi a a phepa. Go ka nna botlhale go boeletsa tirego e ya tsokotso bonnye makgati a mararo.
Tlhopha lefelo le motsokotso o se neng o kgotlela ditlamelo tsa metsi, dinoka, dijalo kgotsa dimela tse dingwe le fa go ka se ikgateng metsi, le go tlholela batho matlhotlhapelo, gammogo le diphologolo le tikologo. O ka kgatsha mo molelwaneng wa tshimo kgotsa fa thoko ga tsela ya polase.
Netefatsa gore o minolosa tanka ya sekgatshi ka mokgwa o o tsamaelanang ka nepo le setshwaokaelo sa sebolayasenyi. O se ke wa bula dinosele fela le go o tlogela o tshologela mo mmung. Tsenya dinko tsa dinosele tsa mothamo o mogolo go bona mokgwa o o bonako le wa semolao wa go latlha motsokotso wa sekgatshi. Lentle la sekgatshi le lona le tshwanetse go tlhatswiwa. Gape, fa o tsokotsa sekgatshi o se ka wa tlhola megojwana ya metsi a a emeng a a ka fitlhelelwang ke bana, meotlwana, loruo le diphologolo tsa naga.
Go latlha motsokotso wa sebolayasenyi go ya ka ditaelo tsa setshwaokaelo, tshela motsokotso mo lefelong foo dikuno tse di tlaa dirisiwang (gape, mo molelwaneng wa tshimo foo khemikale e kgatshitsweng, gantsi ke lone lefelo le le tshwanetseng). Boeletsa tirego ya minoloso morago ga kgotlololo le go tsokoletsa sekgatshi. Netefatsa gape gore o minolosa metsi a motsokotso a a phepa mo tankeng pele ga poloko go efoga tshenyo e e ka tlholwang ke go gatsela ga metsi ka fa gare.
Morago ga motsokotso wa bofelo o ka tlhatlhoba sekgatshi sa gago le go dira dipaakanyo le diphetolo tse di tlhokegang. Le mororo sekgatshi se phepafaditswe, apara ditlamelwanatshireletso tsa sebele ka gale. Masalela mangwe a ka salela mo godimo le mo teng ga sekgatshi.
Sebopego sa "boom" go bona maphanyego mangwe le mangwe a a ka baakanngwang.
Jaanong ka sekgatshi se phepafaditswe ka botlalo, o ka batla go ntsha dikarolo dingwe tsa sona tse di sa senyegang ka nako ya poloko.
Tlosa disefo (difeletara) mme o di tlhatswe ka mabogo ka metsi a sesepa (gakologelwa go rwala ditlelafo tsa kemelano le khemikale), di tsokotse mme o ka di boloka kgotsa wa di busetsa mo sekgatshing.
Tlhokomela dinosele, mebele ya dinosele ka kelotlhoko e e kgethegileng, mme o tlhatlhobe dibelofo. Masalela a khemikale a ka agelela mo dikgaolong tse mme a omelela mo marigeng, le go fokotsa setlhogo tiragatso ya sekgatshi mo setlheng se se tlang.
Tlosa dintlhana tsa nosele, disekirine, tlhatlhoba dibelofo, dikhurumelo le mebele ya dinosele go tswa mo dikopanong tsa mmele wa nosele. Gokela dikopano ka nepo.
Phepafatsa le go tsokotsa dintlhana tsa dinosele, mebele ya nosele mme o tlhatlhobe dibelofo. Di boloke mo sebolokelong se se tshwailweng. Boloka dibelofo tse di tlhatlhobilweng mo themphereitšheng ya phaposi mo marigeng go efoga tshenyo e e ka tlholwang ke kgatselo ya dithemphereitšha.
Tlosa dilekanyokgatelelo tsotlhe mme o khurumele diphatlhana tsotlhe mo sekgatshing. Boloka dilekanyi foo di ka se keng tsa gatsela kgotsa senyega.
Kwa bokhutlong, dikolosa sethibelakgatselo go ralala sekgatshi le polambing yotlhe go akaretsa "diboom", dibelofo, dimenifouloto, dimetara, tsa kelelo le dillaene tsa kgotlhokgotso. Tlogela sethibelakgatselo go dikologa mo mathompong a "boom". Se se tlaa silega legare la lethompo go thibela go oma le go phanyega. Go khurumela dintlhana tsotlhe tsa dinosele tsa "boom" go tlaa thusa go tshola sethibelakgatselo mo thulaganyong e, fela o ka tlhoka go bula nosele e le nngwe kgotsa tse pedi go letla sethibelakgatselo go dikologa le "boom". Fa sethibelakgatselo se setse se tladitse thulaganyo yotlhe ka botlalo khurumela dinosele tseo.
Maikaelelo a kgato ya poloko ke gore sethibelakgatselo se kgorometse metsi a a saletseng a a ka bong a le mo thulaganyong le go silega mateng a dikarolwana tsotlhe. Letla sethibelakgatselo go nna mo pompong le dibelofo go efoga go rusa le tshenyo e e ka tlholwang ke mowa o o bongola o o ka bong o tshwaregile mo thulaganyong. Ka ntlha ya fa badiri bangwe ba tlosa pompo pele ga poloko, tlhomo ya dibelofo tse di tswalang mo matlhakoreng oobedi go ka bebofatsa tirego e.
Sethibelakgatselo sa dirori tsa boithabiso ke sona ka tlwaelo se dirisiwang mo polokong ya dikgatshi tsa temothuo. Go farologana le sethibelakgatselo sa "automotive" ga se botlhole thata jalo mo diphologolong. Le mororo dikuno tsa sethibelakgatselo ya dirori tsa boithabiso di gatsela mo maemong a tsididi thata, ga di a tshwanela go rema. Le fa go ntse jalo, buisa ka gale setshwaokaelo sa sethibelakgatselo go netefatsa gore se tlaa diragatsa mo maemong a mariga a gago.
Jaanong ka sekgatshi se phepafaditswe, se kgotlolotswe le go tlhokomelwa mo marigeng, se siametse go bolokwa. Go mo pepeneneng gore poloko e e eletsegang ke ya ka fa tlase ga marulelo, kgakala le tshotlakako ya dielemente. Fela lefelo le le khurumeditsweng lengwe le lengwe le o le tlhophang le tshwanetse go nna kgakala thata le diedi le menontsha. Lorole le masalela go tswa dikunong tse, di ka ja pente le ditshipi mo sekgatshing.
Fa o sa batle go dirisa itlhophelo ya sethibelakgatselo mo polokong, ke mokgwatiriso o o siameng go tlosa pompo ya yunite ya sekgatshi mme o e boloke mo bobolokelong go emela setlha se se latelang. Gantsi metsi a nna mo pompong mme mo dikgweding tse di tsididi tsa mariga, metsi a a mo pompong a a gatsela mme a bo a thuba pompo -a e dira gore e tlhoke mosola.
<fn>PulaImvula. MaintenanceOpot.2008-10.tn.txt</fn>
Tlamelo e e lolameng ya polantere ya dijalo ka mola go raya pharologano magareng ga poelo mo dijalong le ditatlhegelo tse di boitshegang. Tlhopho, jalo, khurumetso le katelo ya peo ke ditiro tse di masisi thata mo ntshodikunong ya dijalo. Fa polantere e sa dire sentle ka ntlha ya tlamelo e e bokoa, dipholo tse di tlaa bonwang e tlaa nna thobo e e kwa tlase go na le jaaka go ne go solofetswe.
Polantere ya go jala ka mola ke sedirisonepo mme jaaka motšhinenepo mongwe le mongwe, e tlhoka tlhokomelo e e boitshegang. A re bone gore se se akaretsa eng.
Phepafatsa polantere thata.
Tlhola gore ga go na dikgoreletsi mo diyuniteng tsa polantere go ka thibela mekheniseme go dira ka tolamo.
Tlhatlhoba mekheniseme wa finger-pickup go bona dikarolo tse di onetseng kgotsa robegileng, baakanya kgotsa o emisetse dikarolo tse di senyegileng.
Tlhola sebutswedi kgotsa fene mo dipolantereng tsa mowa, tlhola disili, segolobogolo go dikologa diseke kgotsa diromo.
Tlhatlhoba matlase a dikgamelo tsa peo tsa mofuta wa dipolata.
Emisetsa dikarolo tse di supang go onala, jaaka cut-off pawl, knockout pawl diseporeng le polata ya tlase ya botlase jwa kgamelo ya peo, gammogo le dikarolo dingwe le dingwe tse di robegileng kgotsa onetseng.
dikasekete mo mametlelelong ya monontsha wa seedi.
Fa e le gore dimametlelelo tsa monontsha, sebolayatlhatsana le sebolayatshenekegi di ne di tshasitswe oli fa polantere e bolokwa di phimole gore di ome.
Ka nako ya setlha sa jalo, tsenya polantere ka fa maribelong mo bosigong, kgotsa o e khurumetse go thibela go welwa ke bongola mo dikgamelopolokelong tsa dimetheriale.
Go efoga go kgotlela dibering, ka gale phimola dikgokedi pele o logetsa.
Tlhotlhora le go phepafatsa dikgamelo tsa monontsha, sebolayatlhatshana le sebolayatshenekegi, gammogo le matlase a kgamelo ya peo go thibela go rusa le jego.
Tlhola dikarolo tse di onetseng kgotsa robegileng mme o tsenye tse dingwe pele ga setlhajalo se se latelang.
Mota dibulaforo, dikhurumetsi tsa thipa kgotsa diseke, le dikgaolo dingwe le dingwe tse di politšhilweng ka oli kgotsa kirisi go thibela rusu.
Logetsa dibering tsotlhe.
Lotlela dimmakhase mo maemong a thoro mme o boloke polantere mo kagong. Tshegeletsa polantere fa godingwana ka maotwana a sa kgoma lefatshe kgotsa bodilo.
TSIBOSO: O se ke wa boloka polantere ka kgatelelo ya haeteroliki e le mo silentareng sa rimoutu. Go tlosa kgatelelo ya haeteroliki, tima terekere mme o busetse matsogwana a haeteroliki kwa morago le kwa pele gantsinyana. Jaanong gokolola dillaene tsa haeteroniki mme fa go batlega tlosa silentara sa haeteroniki.
Dikaedi tsa modirisi tsa polantere le terekere di akaretsa ditshikinyo tsa tshireletsego tse di kgethegileng. Fano re tlaa ama dikakanyo di le mmalwa.
Ka gale fa polantere e sa dire e folosetse fa fatshe. Fa go kgonegang, dira tlamelo le ditshetelo ka polantere e kgomile lefatshe.
Netefatsa gore fa o dira ka fa tlase ga polantere o dirisa disetente tsa jeke kgotsa diboloko, go thibela polantere go wa.
Letla fela motho a le mongwe go tsamaisa terekere fa terekere le polantere di dira.
Go phepafatsa, logetsa kgotsa go setela motšhine o o tsamayang go ka go tlisetsa kgobalo. Go tsamaya kgotsa go ema mo mabogong fa polantere e tsamaya go ka dira gore o we.
Dira ka dikhemikale tsa temothuo ka diaparo tsa tshireletso tse di maleba. Tlhopho kgotsa tiriso e e sa tshwanelang go ka gobatsa batho, diphologolo, dimela, mebu kgotsa dithoto tse dingwe. Latela ditaelo tsa modiri wa khemikale.
<fn>PulaImvula. Management(maize).2011-04-07.tn.txt</fn>
Byline: Tshedimosetso e kokoantswe go tswa Kaeding ya Tsamaiso ya Polase ka Poelo, ka Marius Greyling.
A o tlhokomela diphologolo tsa gago ka tshwanelo A kampo phulo mo polaseng ya gago e bontsha ditshupo tsa phulophetiso A o na le maitemogelo a boitumelo jwa go boga katlego ya dijalo tsa gago Morago ga thobo a o ne wa tlhokomela masimo a gago?
Ke eng se se dirang montshakuno mongwe go atlega go feta yo mongwe Se se ka ganetsanelwa go ya go ile. Fela le gale kwa bokhutlong mabaka otlhe a supa kwa botennye jwa tsamaiso mme mo lobakeng lwa kgwebo ya temothuo - tsamaiso ya polase?
Go na le ditlhaloso di le dintsi tsa tsamaiso ya polase fela ka go kopanya ditlhaloso tsotlhe, tsotlhe di batla di bolela gore tsamaiso ya polase ke "tiriso kgotsa kopanyo e e bokgoni ya metswedithuso yotlhe, ya setho le sebopego, go fitlhelela maitlhomo a kgwebo ya temothuo".
Bangwe ba ka re ke puo ya molomo fela, fela a re kanoke tlhaloso re simolola ka maikaelelo kgotsa maitlhomo a kgwebo ya temothuo. Motho o ka nna sebete wa re maikaelelo a kakaretso kgotsa a botlhokwatlhokwa e ka nna go dira poelo mme ka tsela eo poelo e e itshegeleditseng. Ee, go ka nna le maitlhomo a tlaleletso jaaka go tokafatsa maemo a botshelo jwa gago, go ntsha kuno e badirisi ba ka e ratang go na le tse dingwe. Fela le gale maitlhomo a tlaleletso otlhe a ka atlega kwa bofelong fela fa go dirwa poelo. Le mororo se e se maitlhomo tota, bantshakuno ba bantsi ba rata go nna le go tsamaisa kgwebo ya temothuo ka ntlha ya tsela ya botshelo jo bo siameng. Fa go sa dirwe poelo tsela ele ya botshelo jo bo siameng le yona ga e sa tlhole e nna monate. Go ya ka dintlha tsa sematlole, maitlhomo a ka tlhagisiwa e le poelo e e siameng mo peeletsong, fela go dira dilo bonolo, a re re go dira poelo. Mo sebopegong sa motheo poelo e e bontshiwa ka tsela ya lotseno ntsha ditshenyegelo (P = L - D kgotsa L - D = P).
Metswedithuso ya setho le sebopego, e e umakilweng mo tlhalosong, le yona e tsewa jaaka dintlha tsa ntshokuno e bong tsamaiso, bodiri, lefatshe le khepetlele. Bodiri bo emetse badiri botlhe. Lefatshe le emela lefatshe tota (mmu (masimo), dimela (phulo), metsi. Khepetlele ke lereo la madi a a tshwaregang le dithoto tse di sa suteng tse dingwe jaaka dikago, logora, masaka, dithoro le tse dingwe le dithoto tse di sutang jaaka dipalangwa, didiriso, diterekere, loruo lo lo tsalang le ditsenngwateng tsa ntshokuno le tse dingwe.
Bologamaano e leng se o tshwanetseng go se dira, o se dira jang, o se dira leng.
Borulaganyi e leng gore mang o tlaa dira eng, se tlaa diriwa leng, se dirwa kae (kabo ya metswedithuso).
Tiragatso ke go dira ka tota le ka diatla se se neng se logetswe maano le go rulaganngwa.
Taolo ke go tshwantshanya se se dirilweng, se siame kgotsa se sa siama jalo, le se se neng se logetswe maano a go rulaganngwa le go batla mabaka a phapogo gore o kgone go tokafatsa mo isagong.
Go ntse go le jalo, fa a tsweleletse go dirisa nngwe le nngwe ya ditiro tsa botsamaisi montshakuno/motsamaisi o tshwanetse go nna moeteledipele, mme o tshwanetse go tsaya ditshwetso, a tlhaeletsane fa gae le kwa ntle, a rome, a gokaganye dikgatotiro, a rotloetse batho ba gagwe le go tsweletsa taolo kwa ntle ga molao kgotsa semolao.
Go ya pele gore o nne mo kemong ya go dira poelo e e tswelelelang le go fitlhelelang maitlhomo otlhe, kgwebo ya temothuo e tshwanetse go ntsha kuno le go kgona go e rekisa - ka jalo e tshwanetse go arabela ditlhoko tsa badirisi. Ka kakaretso dikuno e ka nna dijo, tlhale, dikota kgotsa diphologolo tsa naga. Lefoko "ditlhoko" le akaretsa dintlha tse di jaaka boleng le bontsi jwa kuno, nako e e rileng ya kgoroso le/kgotsa kgoroso e e tsepameng, lefelo la kgoroso kgotsa go paka.
Mabapi le leanotheo la lotseno - ditshenyegelo = poelo (L - D = P/T), go botlhokwa go gakologelwa sengwe le sengwe se re se dirang kgotsa se ka dinako tse dingwe re sa se direng se re neng re tshwanetse go ka bo re se dirile, go ya ka kgwebo ya rona, ka se tlaa itshupa mo leanotheong. Lotseno lo ka oketsega kgotsa lwa fokotsega, fela jalo le ka ditshenyegelo. A re tsaya tsia megala yotlhe e re e letsang A megala eo yotlhe ya rona e botlhokwa A re tsaya maeto otlhe a go ya toropong tsia A re tlamela loruo lwa rona ka phepotlaleletso fa go tlhokega A ka gale re thula le go tlamela diterekere le metšhine e mengwe ya rona?
Go ya ka puisano lereo tsamaiso ya polase ka jalo le ka tlhalosiwa e le go loga maano, go rulaganya, go diragatsa le go laola badiredi ba gago, lefatshe la gago le dithoto tse di sa suteng tsotlhe le dithoto tse di sutang tsotlhe tsa gago go akaretsa le ditsenngwateng tsa ntshokuno ka go etelelapele, go tsaya ditshwetso, go tlhaeletsana, go roma, go gokaganya, go rotloetsa le go tsweletsa taolego go ka ntsha dikuno tse badirisi ba di tlhokang ka poelo.
Potso e e boditsweng kwa tshimologong ya kgannyana e, e ka bodiwa ka tsela e nngwe ya gore a o loga maano, go rulaganya, go diragatsa le go laola go tlhokomela loruo lwa gago sentle A o loga maano, go rulaganya, go diragatsa le go laola thulaganyo ya phudiso ya gago sentle A ntshokuno ya dijalo e logetswe maano, rulagantswe, diragaditswe le go laolwa sentle go akaretsa ntlha e tshwana le tlhatlhobo ya mmu, go fa sekao?
Ditiro tse nne tsa tsamaiso di ka bonwa gape jaaka maotwana a sepalamo kgotsa terekere. Leotwana lengwe le lengwe le tshwanetse go pompelwa ka selekano gore sepalamo/terekere e tsamae sentle ka botlalo. Fela fa leotwana le le lengwe le ka se pompiwe sentle, kgotsa le phantšhile, sepalamo se sa ntse se tlaa tsamaya go ya pele fela ka bokgoni jo bonnye mme mo nakonyaneng e e sa fediseng pelo go tlaa nna le tshenyo e e boitshegang mo sepalamo se tlaa emang gotlhelele. Go tlaa nna jalo le ka kgwebo. Fa nngwe ya ditiro tsa tsamaiso e ka se ke ya diragadiwa sentle, kgwebo ya gago e tlaa ema tsi! Se e sa le gape kgwetlho ya isago; fa tsamaiso ya gago e sa tokafale ngwaga le ngwaga kwa bofelong kgwebo ya gago e tlaa ema, go ka raya gore ga go tlhole go dirwa dipoelo. Motho ga a ka ke a dira dilo ka tsela e le nngwe ngwaga le ngwaga, o tshwanetse go tokafala ka go oketsa lotseno lwa gago le/kgotsa go laola ditshenyegelo tsa gago.
Lotseno lo ka okediwa, sekao ka ditlhotlhwa tse di kwa godimo le/kgotsa ntshokuno e e kwa godimo ka yunite (mmidi - ditono/heketara), le/kgotsa maano a ntshokuno a a tokafaditsweng (go dira temothuo ka nepo) le/kgotsa bontshakuno jo bo oketsegileng le/kgotsa phetolo ya kgwebo le/kgotsa go anama ka dikgwebo.
Ditshenyegelo di ka lekanyediwa, sekao ka go buisanela ditlhotlhwa tse di kwa tlase tsa ditsenngwateng le/kgotsa maano a ntshokuno a a tokafaditsweng (go dira temothuo ka nepo) le/kgotsa go laola ditshenyegelo ka tiragatso ya ditekanyetsokabo le/kgotsa bontshakuno jo bo kwa godimo.
Tsamaiso ya kakaretso (dintlha tse di jaaka boitekanelo le pabalesego ya mo tirong, taolo ya melelo le pabalesego ya mo polaseng).
Le mororo dikgaolo tse di umakiwa bongwe ka bongwe, dikgaolo di gokagane e bile e kare fa o tsweletse o tsamaisa (go loga maano, rulaganya, diragatsa kgotsa go laola) kgaolo o tlaa bo o ntse o tshwaragane le go tsamaisa e le nngwe kgotsa go feta ya dikgaolo tse dingwe. Sekao, fa o tshwaragane le tsamaiso ya ntshokuno o ka bo o ntse o tshwaragane le tsamaiso ya matlole, tsamaiso ya theko le tsamaiso ya bodiredi. Se se dira tsamaiso ya polase go nna kgwetlho e tona.
Fela gape go boammaaruri gore o ka se ke wa tsamaisa kwa ntle ga tshedimosetso, ya ka fa gare le kwa ntle. Ka jalo tshedimosetso e tlhoka go kgobokanngwa, ka bontsi jo bo kgonagalang mme go ka dirwa fela ka go buisa, reetsa, go ela tlhoko le go kwala. Rotlhe re tshwanetse ra bo re tlwaetse polelo e e reng fa o sa kgone go lekanya ga o ka ke wa tsamaisa (if you cannot measure, you cannot manage). Fa osa itse gore phesentheiji ya tsalo ya motlhape wa dikgomo tsa nama tsa gago ke 60%, gona o ya go tsamaisa eng go tokafatsa phesentheiji ya tsalo Jalo o simolola ka go rekota, jaanong o bo o kgobokanya tshedimosetso gore ke eng se se bakang gore phesentheiji ya tsalo e nne kwa tlase jalo le gore o ka tokafatsa kgotsa baakanya jang dibako tse. Go ntse fela jalo le ka dijalo tsa gago, ntshokuno ya mašwi, ntshokuno ya boboa, kelokgolo ya dikokwana tsa nama le tse dingwe?
La bofelo jaaka batsamaisi ba polase re tshwanetse go gakologelwa gape gore e sa ntse e le maikarabelo a rona go akanya ka tshomarelo ya tikologo, fa re ntse re tsamaisa dikgwebo tsa rona ka go diragatsa mekgwatiriso ya temothuo e e siameng.
<fn>PulaImvula. ManagementMaize.2009-06.tn.txt</fn>
Grabbing quote: Fa o sa lekanye ga o ka ke wa kgona.
Jaaka rotlhe re itse, temothuo ke kgwebo mme fa o batla go nna montshadikuno wa bogwebi, go na le dintlha di le dintsi tse go ka tlhokegang go tsewa tsia go dira gore kgwebo ya gago e boelwe.
Maitlhomo a motheo ke go dira le go tsweletsa poelo.
Sengwe le sengwe se se dirwang mo polaseng se ama lotseno, ka tsela nngwe. Lotseno - Tshenyegelo = Poelo/Tatlhegelo.
Dikatlanegiso di a dirwa gore go ka dirwa eng le/kgotsa go tlhokegang sa semolao mabapi le tsamaiso ya dikgaolo tse di farologaneng tsa tsamaiso mo polaseng. Gore a dikatlanegiso di a latelwa e tlaa nna itlhophelo le maikarabelo a montshadikuno/motsamaisi mongwe le mongwe.
Tshedimosetso - ya kwa ntle le ka fa gare (direkoto tsa selegae) e botlhokwa thatathata.
Kgwebo ya polase mo Aforikaborwa ke karolo e e tletseng ya motse wa lefatshe ka bophara, ka jalo e amiwa ke se se diragalang mo lefatsheng.
Polase e tsewa jaaka thulaganyo e e feletseng mme kgaolo nngwe le nngwe e ama dikgaolo tse dingwe, ka mafoko a mangwe tsela ya go tsamaisa kgwebo ke tsela e e sobokantsweng.
Gantsi o utlwa se se latelang: Goreng bantshadikuno ba bangwe mo dikgaolong tse di kgethegileng ba tswelela pele go feta ba bangwe ba ba lemang / ruang mo kgaolong e e tshwanang, kgotsa go reng bantshadikuno bangwe ba falola dipaka tse di bokete fa baagisani ba bona ba faladiwa ke maemo a a tshwanang le ao Karabo ke gore bantshadikuno bangwe ba tsamaisa dikgwebo tsa polase tsa bona botoka go na le ba bangwe. Mme tota tsamaiso kgotsa mo lobakeng lo, tsamaiso ya polase, ke eng?
Tsamaiso ya poalse e ka tlhalosiwa jaaka tseo ya ditshwetso tse di gaisang mabapi le ditlamelwana tsa bodiri gammogo le ditlamelwana tsa tiragatso tsotlhe go fitlhelela maitlhomo a kgwebo e e rileng.
Go kgona go tsamaisa go ya ka tlhaloso, go raya gore montshadikuno o tshwanetse go diragatsa ditiro tsa tsamaiso tse nne, e leng togamaano, go rulaganya, go diragatsa le go laola, ka nonofo. Le mororo go kgonega go farologanya magareng ga ditiro tse nne tse, tirego ya tsamaiso ke tiregotsweledi. Ka mo gare ga tirego ya tsamaiso montshadikuno o tshwanetse go dirisa ditiro tsa tsamaiso di le mmalwa e leng go tsaya tshwetso, tlhaeletsano, tlhotloetso, kgobokanyo, go tlhomamisa boitiriso, kabelanotiro le go etelela pele.
Tsamaiso ya polase e tlhalosiwa e le tseotshwetso e e totileng maikaelelo.
Tshedimosetso ka polase e a e tsamaisang.
Tsamaisokakaretso - pholo le tshireletsego ya badiri, taolo ya molelo, bogodu le pabalesego ya mo polaseng.
Gore go ka tokafadiwa jang tsamaiso ya nngwe le nngwe ya dikgaolo tse le go oketsa le go tsweletsa dipoelo, go tlaa sekasekwa mo go Pula/Imvula mo dikgweding tse di tlang. Ditshikinyo le/ kgotsa dikatlanegiso, tse di tlaa nnang mosola go oketsa le go tsweletsa poelo ya kgwebo, di tlaa dirwa mabapi le kgaolo ya tsamaiso nngwe le nngwe. Kakanyo ya gore ke eng se se tlhokegang semolao le yona e tlaa tlhagisiwa. Fela le gale tlhopho e tlaa nna ya montshadikuno/motsamaisi mongwe le mongwe go di dirisa kgotsa nnyaya. Ga go patelediwe ope. Mabapi le ditlhokego tsa semolao, fa di ka se ke tsa dirisiwa, montshadikuno/motsamaisi o tlaa rwala maikarabelo a tshwetso ya gagwe.
<fn>PulaImvula. ManagingMaize.2009-04.tn.txt</fn>
Byline: F.B. Peairs, moithutatshenekegi le moporofesara wa Colorado State University Extension, mo bonetetshing jwa temothuo ya ditshedi le tsamaiso ya disenyi.
Create a Fact Box: Quick Facts...
Bacillus thuringiensis (Bt) ke baketheria ya mmu e e ntshang botlhole jwa setshenekegi.
Dijini (Genes) go tswa mo Bt di ka tsenngwa mo dimeleng tsa dijalo go di kgontsha go ntsha botlhole jwa setshenekegi, ka jalo di kgone go emelana le disenyi dingwe.
Maidi a mmidi a a nang le jini e le nngwe kgotsa go feta ya Bt (mmidi wa Bt) a kgona go emelana le disenyi dingwe tsa botlhokwa.
Maidi a mmidi wa Bt ke itlhophelo e e nonofileng le ya seikonomi kgatlhanong le dikalafi tsa dibolayatlhatshana tsa tlwaelo, fa tiro ya disenyi e e kobilweng e le mo ditekanyong tsa botlhokwa tsa seikonomi.
Thekenoloji e ntšhwa e re letla go tokafatsa mefuta ya dijalo ka go tlaleletsa ka dijini tse di tswang mefuteng e mengwe. Se se botlhokwa thata ka gore re ka fetola semelo, jaaka kemelano le ditshenekegi, e e ka tswang ka tlhago e se yo mo mefuteng ya dijalo tseo, kgotsa e e ka tswang e le bokete go sutisiwa mo mefuteng ya dijalo go dirisiwa dithekeniki tsa tsadisodimela tsa bogologolo.
Tiragatso nngwe e e atlegileng ya thekenoloji e ntšhwa e ke tlhagiso ya maidi a mmidi a mantšhwa a a kgonang go emelana le disenyi tsa ditshenekegi dingwe ka ntlha ya tlaleletso ya jini go tswa mo baketherieng ya mmu ya tlhago. Maidi a a jalo a bidiwa "transgenic hybrids" le mororo e se maidi a tlolaganyolotso otlhe a a nang le semelo sa kemelano le ditshenekegi.
Le mororo maidi a mmidi a tlolaganyolotso a a emelanang le ditshenekegi a nonofile thata go laola disenyi tsa ditshenekegi, tiriso ya ona e tsositse ditlhobaelo. Metseletsele ya dipotso le dikarabo e e latelang e tlamela ka ponalo ya maidi a mmidi a a emelanang le ditshenekegi le tiriso ya ona mo taolong ya disenyi.
Bt ke eng?
Bt ke khutshwafatso ya baketheria e e nnang mo mmung e e tlwaelegileng e e bidiwang Bacillus thuringiensis. Bt gape e kaya dikuno tsa dibolayatlhatshana tse di dirilweng go tswa mo baketherieng e.
Mekgwa (strains) mengwe ya Bt e bolaya ditshenekegi ka botlhole jo bo bidiwang diporoteine tsa keresetale tsa setshenekegi (insecticidal crystal proteins) kgotsa "delta endotoxins". Di tsewa di se kotsi mo bathong le mefuteng e e seng ya disenyi.
Mmidi wa Bt ke eng?
Ntshodikuno ya "delta endotoxins"e laolwa ke jini e le nosi mo baketherieng. Dipopego tse di fetotsweng tsa dijini tse di tsenngwa mo dimeleng tsa mmidi. Dimela tsa mmidi tse di nang le dijini tse di kgona go ntsha "delta endotoxin" ka jalo di nne botlhole mo ditshenekeging tse di ka tlhaselwang ke poroteine ya sebopego seo.
Goreng go dirisiwa dijini tsa Bt mo mmiding?
"Delta endotoxins" tse di gasitsweng mo dimeleng di nyelela ka bonako fa di kopana le lesedi la UV. "Delta endotoxins" tse di ntshitsweng mo semeleng di sirelediwa mo leseding la UV. Gape disenyi tsa mmidi dingwe tse dikgolo tse dintsinyana di bokete le go tura go laolwa ka dibolayatlhatshana tsa tlwaelo, mme di bonolo go bolawa ke "delta endotoxins" tse di ntshitsweng mo ditogweng tsa dimela. Bayothekenoloji ya go tsenya botlhole jo bo tlhagisang jini ya Bt, mo mmiding e teng.
A mmidi wa Bt otlhe o botlhole?
Go ka nna jalo kgotsa nnyaya! Dintlha tse pedi, tiragalo le mogodisi, di laola foo "delta endotoxins" di tlhagisiwang teng mo semeleng le gona ka bogolo jwa bokae. Ditlamo tsa dipeo tse di farologaneng di dirisa ditiragalo le bagodisi ba ba farologaneng, ka jalo maidi a tsona a tlaa farologana mo go reng ke ditogwa tsa semela sefe se go tlhagisitsweng "delta endotoxins" mo go sona.
Tiragalo ya tshenyo ke tiro ya sebopego ya go tsenya jini ya Bt mo matherialeng wa lotso wa semela sa mmidi. Fa ke gona fa go tlhomamisiwa lefelo la sebopego la jini ya Bt, (ke khoromosoume efe ke karolo efe ya khoromosoumu). Lefelo la jini le tshwaela gore ke kae mo semeleng mo "delta endotoxins". Gajaana ga re na thekenoloji ya go laola foo jini ya Bt e nnang teng, ja jalo tiragalo nngwe le nngwe e tlhola dimela tse di farologaneng ka gore go ntshitswe "delta endotoxins" kwa kae le gona tse di kana kang.
Mogodisi le segoletsi sa lotso sese bolelelang jini ya Bt e e tsentsweng gore e tlhagise "delta endotoxins" leng le gona kae. Go na le bagodisi ba le bantsi ba ba farologaneng mme tlhopho ya mogodisi le yona e ama le gore go ntshiwa delta endotoxins kae le gona e e kana kang mo semeleng sa mmidi, go isa kwa dipharologanong mo maiding.
Go na le mefuta ae le kae ya mefuta ya mmidi wa Bt?
Go na le maidi a mmidi wa Bt a a farologaneng a le mantsi, mme mangwe a ka nna ditiragalo tsoopedi tsa sebokophetlhi sa mmidi le sebokomedi sa mmidi.
A maidi a mmidi wa Bt otlhe a tlaa neelana ka taolo e e lekanang?
Selekanyo sa taolo ya disenyi tse di kobilweng le kanamo ya taolo e e tlamelwang ke leidi, ke tiro ya tiragalo e e mo go lona. Go botoka go tshwantshaya taolodisenyi ka tiragalo go na le ka leidi. Tlhopha maidi a a tlaa dirang sentle mo kgaolong ya gago; mme o kope dipalopalo tsa taolo ya ditshenekegi tse di lebaneng ka kgethego le ditiragalo tse di fitlhelwang mo maiding ano.
A mmidi wa Bt o tlaa dira sentle mo kgaolong ya me?
Dimelo (traits) tsa Bt ga di a tshwanela go ama tiragatso ya leidi. Fa mofuta wa tlwaelo wa leidi o dira sentle mofuta wa Bt o tshwanetse go dira sentle le ona.
A ke sona fela semelo se se tsenyeleditsweng mo mmiding ka tsela ya lotso?
Maidi a mangwe a a nang le dimelo tse di tsenyeleditsweng ka lotso, jaaka kemelano le dibolayatlhatshana, a teng. Go tshwaraganwe le go tlhagisa dimelo tse dingwe tse dintsi mme di tlaa nna teng mo isagweng e e sa fediseng pelo.
A mmidi ke ona sejalo fela se se tsenyeleditsweng Bt ka lotso?
Nnyaya, dijalo tse dingwe di le dintsi di fetotswe go tlhagisa "delta endotoxins". Fela le gale mmidi le katune ke tsona thata di dirisiwang mo kgwebong.
A go na le mesola mengwe mo go diriseng mmidi wa Bt go na le sebolayatlhatshana go laola sebokophetlhi sa mmidi?
Mmidi wa Bt o tlaa laola dibokophetlhi tsa mmidi kwa ntle ga go ama ditsomi gammogo le ditshenekegi tse dingwe tse di mosola. Se se tshwanetse go dira taolo ya disenyi tse dingwe jaaka dintana tsa segokgo bonolo, le mororo go se na dipalopalo tsa masimo go tshegetsa ntlha e.
A go na le dithapolo mo go diriseng mmidi wa Bt go tshwantshanya taolo ya tlwaelo ya sebokophetllhi?
Go tlaa nna le ditshenyegelo tsa tlaleletso mo go dirIseng peo ya mmidi wa Bt, go sa kgathalasege gore a go na le tlhaselo ya sebokophetlhi sa mmidi e e ikhonomikale. Taolo ya sekhemikale ya tlwaelo e go letla go leta go bona gore a tlhaselo e a tswelela, pele o beeletsa madi mo taolong ya ditshenekegi. Gape go tsamaelana le ditlhokego tsa polokesego (bona fa tlase) go ka tlhakatlhakanya ditiro tsa jalo, thobo le taolodisenyi.
A nka jala mmidi wa Bt mme ka lebala ka ditshenekegi le dintana?
Nnyaya, mmidi wa Bt ga o kitla o go letla gore o lebale gotlhelele ka disenyi. Ditlhóla le taolo di sa ntse di tlhokega mo disenying tse dingwe.
A go na le dithapolo tse dingwe mo go diriseng mmidi wa Bt go tshwantshanya le mekgwatiriso ya tlwaelo ya taolodisenyi?
Go ka nna le bothata jwa go bapatsa mmidi wa Bt go kobilwe mebaraka ya boditšhaba. Seemo sa mebaraka ya boditšhaba se fetoga ka bonako, ka jalo go thata go itse gore melawana e ka fetoga jang magareng ga tlhopho ya leidi la thobo. Se gantsi ke sona bothata mo ditiragalong tse di amogetsweng sešweng.
Ke dirise mmidi wa Bt kae mo tirong ya me?
Mmidi wa Bt o tshwanetse o dirisiwe fela foo bothata jwa tlhaselo ka sesenyi se se totilweng e leng kwa godimo.
Go dirwang go efoga kemelano ya sebokophetlhi sa mmidi le mmidi wa Bt?
Babatlisisi ba diyunibesithi, madirelo a peo le EPA ba dira mmogo go tlhola maanotsamaiso a kemelano a a nonofileng le go ka diragadiwa. A thaetswe mo selekanotirisong (dose) se se kwa godimo le ditogamaanong tsa polokesego.
Togamaano ya polokesego ke eng?
Fa karolo nngwe e jetswe maidi a e seng a Bt, gona dibokophetlhi le dibokomedi tsa mmidi dingwe le dingwe tse di tswang mo dikgaolong tse di tlaa tlhaselwa ke Bt. Di tlaa gotana le difalodi go tswa mo mmiding wa Bt le go boloka tlhaselego ya lotso ya losika lotlhe foo.
<fn>PulaImvula. March(maize).2011-03-14.tn.txt</fn>
Mopitlwe, ke nako e e didimetseng mabapi le ntshokuno ya mmidi, fela ke nako ya tshemelelo mo montshakunong yo o atlegileng. Mo montshakunong wa mmidi setlha sa selemo sa lethuuthuu se fetile mme ka fa lotlhakoreng lwa mmidi ke nako ya go kgwa mokhu.
Fela le gale bontsi jwa bantshakuno ba mmidi ba ba atlegileng bo na le karolo ya loruo e e tshwaelang mo tirisong e e feletseng ya metswedithuso ya tlhago yotlhe le go fokotsa diriseke tse di tsamaelanang le temodijalo.
Go na le dintlha di le mmalwa tse di amanngwang le thuo ya dikgomo tsa nama e e nang le poelo, e e leng yona selo se se tlwaelegileng thata se se diragadiwang ke bantshakunothoro. Dintlha tsotlhe tse, di amanngwa thata le maemo le pholo ya kgomo e namagadi.
Go godisa dinamane go nna dikgomo tse di tsalang tsa isagwe go ditshenyegelo, ka gore go fitlhelela e tsala namane ya ntlha ga e tsenye lotseno lope. Bantshakuno ga ba dumalane ka dingwaga tsa tsalo ya ntlha, fela o tlaa bo o se kgakala fa o re golo gongwe magareng ga dingwaga tse pedi le tse tharo. Fa namane e sa fepiwa sentle, e tlaa nna nnye thata go ka palangwa le go dusa, mme se se tlaa diegisa letlha la yona la tsalo ya ntlha. Mo botshelong jwa kgomo, maikaelelo ke gore e tsale ngwaga le ngwaga (mo kgweding e e tshwanang). Fa kgomo e setse e godile fa e tsala lwa ntlha gona hee, e tlaa tsala dinamane di le mmalwa mo botshelong jwa lotsalo lwa yona.
Kgomo e ka tsewa jaaka feketori ya go ntsha dinamane. Paka ya go dusa ya kgomo ke dikgwedi tse robongwe mme ka gale e tlaa kgaoganngwa dikgwedi tse pedi tse dingwe le poo gore e kgone go ikhutsisa mmele wa yona fa e tshwaragane le go ntshetsa namanyane ya yona mašwi (eo e tshelang fela ka mašwi mo dibekeng tsa ntlha di le mmalwa tsa botshelo jwa yona). Keletso ke gore kgomo e bo e le nemeru gape mo dikgweding di le tharo morago ga go tsala gore e kgone go ka tsala gape mo kgweding eo ngwaga le ngwaga. Se ke se se eletsegang (maikaelelo) se se naya ntshokuno e e kwa godimo ya kgomo ka ngwaga kwa ntle ga go tsenya bokoa mo go yona. Fa kgomo e sa fepiwe sentle, ga e ne e kgona go tshwara poo le go tsala ngwaga le ngwaga.
Fa kelotsalo ya gago e le kwa godimo go tlaa nna le dinamane tse dintsi go ka rekisiwa kwa bofelong jwa setlha. Ka setegeniki go a kgonega mo kgomong e nngwe le e nngwe go tsala ngwaga le ngwaga. Go na le gale le dintlha di le mmalwa tse di amang phesente ya tsalo, fela seemo sa kgomo le sona ke nngwe ya dintlhakgolo (dintlha tse dingwe e ka nna pholo ya motlhape, rašio ya dipoo mo dikgomong, kgonotsadiso ya poo, jj). Dikgomo tse di sa tsaleng ngwaga le ngwaga ga di a tshwanela go tsholwa mo motlhapeng - ka bagami ba ba sa dueleleng tsela ya bona kgotsa go tshwaela mo tirolotsenong ya polase.
Namane e e tshelang, e e itekanetseng, ke tshimologo e e siameng fela gore o bone lotseno, namane e tshwanetse go godisiwa go fitlha kgolo ya phusetso mme morago ya rekisiwa. Namane e tshwanetse go tsalwa e le kgolo le maatla a a lekaneng go ka ema e anya mo go mmaayo ka bonako le go simolola go gola. Seemo sa kotlo sa ga mmaayo se botlhokwa thata. Fa kgomo e le mo seemong se se siameng e bile e otlegile sentle, e tlaa nna mo maemong a a botoka a go tsala le go godisa namane e e itekanetseng. Dinamane tse di swang pele ga phusetso ke tatlhegelo mo moruing. Maiteko otlhe a tshwanetse go dirwa go fusetsa 100% ya dinamane tse di tsetsweng.
Bontsi jwa dinamane tse di fusediwang bo rekisiwa ka kilogerama, ka jalo fa boima jwa namane bo le kwa godimo, gona o tlaa bona tlhotlhwa e e kwa godimo. Bogolo jwa namane bo amanngwa thata le seemo sa kotlo sa kgomo le namame mo tsamaong ya ngwaga gammogo le mofuta wa lotso lwa kgomo. Go fusetsa namane e kgolo ka kgomo nngwe le nngwe go raya go bona lotseno lo lo botoka go tswa mo kgwebong.
Jaaka go umakilwe, bontsi jwa bantshakunothoro ba ba atlegileng ba na gape le karolo ya loruo lo logolo mo ditirong tsa bona tsa temothuo - dikgomo (kgotsa loruo lo longwe) di dirisa mafulo a tlhago, mafulo a a jetsweng (a a jetsweng mo mmung wa kgono e e kwa tlase), mme gape le masalela a mmidi. Go nna montshakuno wa loruo yo o atlegileng go batla go golaganngwa thata le go kgona go tlamela loruo lwa gago ka dijo tse di lekaneng(feed) tsa boleng jo bo siameng ngwaga otlhe. Mo dikgweding tsa selemo bantshakuno ba bantsi ba kgona go ikanya mafulo a tlhago le phulo e e jetsweng go fepa loruo lwa bona, fela bantshakuno ba ba siameng ba rulaganyetsa loruo lwa bona mo dikgweding tse di tsididi le tsa komelelo tsa mariga.
Mo dikgweding tsa selemo bantshakuno ba bantsi ba jala furu e tala (gantsi outsu) magareng ga mela ya mmidi. Morago ga go roba mmidi dikgomo le dinku di letlelelwa go fula mo masimong koo di dirisang masalela a lotlhaka lwa mmidi, diako tse di oleng tsa mmidi, gammogo le furu e tala. Bantshakuno bangwe ba jala "seradella" mo gare ga mmidi. Se ke monawa o o monatenate le o o tletseng dikotla o o bileng o sa tlamele fela ka phulo ya boleng jo bo siameng mme gape e oketsa naeterojene mo mmung e e ka dirisiwang ke dijalo tse di latelang. Mo go Mopitlwe go thari go jala outsu le seradella, fela go sa ntse go na le nako ya go jala rae. Gakologelwa le gale gore o se jale rae yotlhe ka nako e le nngwe, o tlaa nna le furu e ntsi, e e tla latelwang ke paka ya tlhaelo e go tlaa bong go se na furu e e lekaneng. Rae ga e monate fa e setse e ungwile ka gore boboa jo bo ditedu jo bo tlhaba loruo mo molomong, nkong le matlhong.
Fa o na le mafulo a a jetsweng a eragrotis, Mopitlwe ke nako e e siameng go e sega lwa bofelo. Boleng jwa bojang bo tlaa bo bo sa siama ka nako, kwa ntle ga gore o bo o nontshitse sentle fela o tlaa bo o na le digwata tse o ka di dirisang mo dikgweding tsa mariga. Gakologelwa gore ka gale o ka tlaleletsa ka selatso se se siameng gore dikgomo di tle di dirise digwata tsa boleng jo bo kwa tlase botoka, fela le gale fa o se na digwata, ga o kitla o kgona go felegetsa dikgomo tsa gago mo marigeng di le mo maemong a a siameng. Ka go sega le go beila bojang, o tlaa kgona go nontsha masimo mo dikgakologong le go bona dijalo tsa tlhaga tse di siameng mo setlheng se se latelang. Fa go kgonega sireletsa dibale mo maemong a loapi ka go boloka mo setorong, kgotsa o di pake ka mokgwa o o ka fokotsang go nelwa ke pula.
Mo dikgweding tsa mariga, o batla go tlhomamisa gore o fepa fela diphologolo tsa gago. Ga o batle dinwamadi dipe fela di ja dikgomo tsa gago. E ke nako e e siameng ya go alafela loruo lwa gago dinwamadi tsa ka fa teng (dibokwana) le tsa ka fa ntle (dikgorola). Fa o tlhoka kgakololo mabapi le se, botsa ba kgwebo ya temothuo, koporasi kgotsa ngaka ya loruo ba selegae ba gago (ba tlaa nna le ditipi le melemo ya go nosiwa). Fa o ka tshokane o dirisa mafulo a semorafe, go tlaa tswela botlhe mosola fa barui botlhe ba ne ba ka alafa loruo lwa bona ka nako e le nngwe, se se thibela dinwamadi go tswa mo diphologong tse di sa alafiwang go boela mo diphologong tse di alafilweng.
Morago ga setlha se se metsi thata go nna ntsifalo ya ditshenekegi tse bontsi jwa tsona e leng dithwadi tsa malwetse a loruo. Tsweetswee netefatsa gore o bona kgakololo e e siameng ka ga lenaneo la meento ya dikgomo le dinku. Go botoka go senya madi mangwe mo meentong le go thibela malwetse, go na le go latlhegelwa ke phologolo go sa tlhokege. Fa o tlhokomela diphologolo tsa gago le go netefatsa gore ka metlha yotlhe di fepiwa sentle, le tsona di tlaa go tlhokomela le go go tsenyetsa lotseno lo lo tlaa nitamisang temothoro ya gago.
<fn>PulaImvula. Marketing(maize).2011-01-12.tn.txt</fn>
Grabber: Thekiso e e atlegileng e kaya go nna le thoto e e tshwanetseng, mo lefelong le le tshwanetseng, ka tlhotlhwa e e tshwanetseng le ka nako e e tshwanetseng.
Sepe ga se ise se ntshiwe la bofelo go fitlhelela se fitlheletse ntlha ya tiriso. Se se raya gore bokgoni jwa kuno efe kampo efe ga bo botlalo go fitlhelela bo lepalepana le tlhoko ya modirisi yo o tlaa kgonang go se dirisa.
Sekao, mašwi ga a ise a ntshiwe la bofelo go fitlhelela a le mo diatleng tsa modirisi yo o tlaa a dirisang ka boitumelo. Ditapole ga di ise di ntshiwe ka botlalo go fitlhelela di le mo mabogong a mmalapa yo o tlaa di apeelang balapa la gagwe. Fela jalo, mmidi ga o ise o ntshiwe ka botlalo go fitlhelela o le mo diatleng tsa modirisi yo o tlaa baakanyang le go o dirisa. Go fitlha mo ntlheng e, montshammidi ga a na go bona poelo epe fela mo peeletsong ya gago mme ke sona kgatothekiso ya tirego ya thekiso e e leng masisi mme e bile e tshwanetse go akanyediwa le pele ga sejalo se jalwa.
Ntshokuno le thekiso ga se ditirego tse pedi tse di aroganeng jaaka bangwe ba akanya; e bile bogolo ke tirego e e tswelelang e le nngwe ya go tlisa diretala mo kgatong e di tlaa nang mosola mo modirisong. Go boammaaruri gore sepe fela ga se a tshwanela go ntshiwa go se ope yo o se batlang.
Sekamela kwa mmarakeng!
Kuno e e tshwanelang go ntshiwa e tshwanetse e bo e batliwa ke badirisi le go tlhagisiwa ka tlhotlhwa e ba ka ratang go e duela. Kgono ya go tshola kgopolotheo ya seikonomi mo tlhaloganyong, e raya gore montshakuno o tsamaisa kgwebo ya gagwe go ya ka dikgopolotheo tsa seikonomi tse di siameng tse di tlaa tlhomamisang go nna ga gagwe mo kgwebong nako e telele. Nnete ke gore ditshwetso tsotlhe tse montshakuno a di tsayang kwa bokhutlong ke ditshwetso tsa thekiso.
Ke ya go ntsha eng?
Ke ya go ntsha go le kana kang?
Ke ya go rekisetsa mang kuno ya me?
Ke ya go ntsha kuno leng ke bo ke e rekisa leng?
Ke ka kgona go dira ditshenyegelo tse di kana kang mme ke ikemiseditse go amogela tlhotlhwa e e kae/jang?
Ke ya go ntsha boleng jo bo jang?
A ke tlaa rekisetsa koporasi ya selegae?
A ke tlaa rekisa ka konteraka?
A ke tlaa boloka kuno ya me le go rekisa moragonyana fa patlego e le kwa godimo kgotsa fa mmaraka o sa tlala thata?
A ke itshilela mmidi wa me kgotsa ke tlaa o fa dikgomo tsa me?
Ke patelesega go rekisa kuno ya me ka bonako jo bo kae mme ke ka kgona go tsaya riseke e kana kang?
Dikarabo tsotlhe tsa montshakuno a di bonelang dipotso tse di tshwanetse go golagana le dikakanyotheo tsa seikonomi tsa motheo tse di umakilweng pelenyana tsa patlego le tiriso tse di nonofileng! Bantshakuno ba rotloediwa go tsaya thekiso tsia fa ba rulaganya ntshokuno ya bona ya setlha.
Le mororo dipalo tse di oketsegang tsa bantshakuno ba lemoga dikgopolotheo tsa seikonomi tse tsa thekiso, go sa ntse go na le ba bantsi ba ba bonang thekiso jaaka tirego e e diragalang morago ga setlhakgolo se se na go simologa, le go akanya gore ba tshwanetse bogolo ba tsepamise tlhaloganyo la ntlha mo tirong ya tota, e leng go jala le go ntsha dijalo!
Ee, ntshokuno mo maemong otlhe a a gaisang a a kgonegang, e botlhokwa thata le yona, fela ka ntlha ya tlhotlheletso e e oketsegang go tswa kgaisanong ya lefatshe lotlhe mo mebarakeng le ditšhono tse di newang ke kgonotheko le kgonothekiso mo SAFEX mo JSE, go botlhokwa thata gompieno go gaisa maloba gore montshakuno a sedimosediwe sentle ka ditšhono tsa thekiso le ditogamaano tsa peotlhotlhwa tse a nang natso.
Serala sa SAFEX ke se se itsegeng jaaka mmaraka wa botswathoto (commodity derivaties market) mme se tsewa jaaka sediriswa se se nonofileng sa bantshakuno go tsamaisa ditšhono le riseke ya ditlhotlhwa tsa mmaraka mo dimmarakeng tsa temothuo tsa Aforikaborwa. Bantshakuno ba ka sireletsa dithoro tsa bona kwa SAFEX, go bona tlhotlhwa e e eletsegang mo isagong. Se se ka fokotsa go jewa ga bona mo mebarakeng e e sa tsepamang mme ka jalo ba di sireletsa mo kgonagalong ya go wa ga ditlhotlhwa tse di botoka ka nako ya thobo fa mebaraka e ka bo e tletsetletse ka tlamelo e e feteletseng.
Ntshokuno ya dithoro mo Aforikaborwa e mo kgatelelong. Ditshenyegelo tsa ditsenngwateng di kwa godimo, diriseke di kwa godimo, tlamelo e feta patlego, le go tlhola tlamelo e e fetileng mme kwa bofelong ditlhotlhwa tse di duelwang ke badirisi di mo kgatelelong mme ga di thuse montshakuno ka sepe mo ditshenyegelong tsa gagwe tsa ditsenngwateng le diriseke tse a di tsereng. Sesala ke gore bantshakuno ga ba kgone go ntsha dijalothoro ka poelo mo maemong a gajaana!
Montshakuno mongwe le mongwe o tshwanetse go sekaseka maemo a gagwe mme a direle kgwebo ya gagwe ditshwetso tse di masisi le ka nako tsa thekiso. Bangwe ba ka bo ba itlhophetse go jala selekanyo se sennye sa dithoro nakwana, go fitlhelela mmaraka o supa botshelo. Bangwe ba ka bo ba itlhophetse go tsepamisa mogopolo mo mekgwatirisong ya ntshokuno e e farologaneng ka maikaelelo a go oketsa bontshakuno fela ba tshola ditshenyegelo tsa ditsenngwateng di le kwa tlase. Bantshakuno ba bangwe ba tlhomamisa tshugommu e nnye kgotsa ya go sa lemeng gotlhelele e e fokotsang ditshenyegelo tsa ditsenngwateng.
Bomadimabe ke gore montshakunothoro ke karolo ya motšhine wa lefatshe lotlhe o o tlhomamisang ditlhotlhwa mme montshakuno a le mongwe ga a ka ke a tlhotlheletsa tlhotlhwa go fetoga a le esi. Se ke sona se dirang gore bantshakuno ka kakaretso ba bonwe e le banewatlhotlhwa go na le go nna babayatlhotlhwa e bile ke sona se togamaano ya thekiso e montshakuno a e tlhophang e tshwanetseng go nna tshwetso e e akantsweng ka kelotlhoko le e e rutegileng, e dirilwe pelenyana thata pele ga setlha sa jalo.
<fn>PulaImvula. Marketing.2008-04.tn.txt</fn>
Gantsi go botoka go nna le mmaraka wa dijalo tsa gago pele o jala, fela le gale go batho ba le bantsi ba ba jalang pele, ka tsholofelo ya gore ba tlaa bona tlhotlhwa e e siameng fela fa dijalo di setse di ntshitswe. Ka nako e go botlhokwa go nna le leano la go rekisa dijalo ka nonofo ka fa go kgonegang ka teng gore o tle o bone madi a mantsi ka fa go kgonegang mo dikunong tsa gago.
Tlhamoleano ya thekiso e tshwanetse go dirwa mmogo le tlhamoleano ya tiragatso ya ntshodikuno. Kgono ya thekiso ya montshadikuno e botlhokwa fela jaaka dikgono tse di tlhokegang go ntsha kuno. Go oketsa dikgonothekiso tsa gago, go tshwanetse go tlhangwe maikutlo a a utlwalang le a a atlegileng mo thekisong, togamaano ya thekiso e e dirisiwang ke molemi ka sebele sa gagwe, kgotsa setlamo sa temothuo, ke karolo ya phakeji ya tsamaisomathata yotlhe e e dirisitsweng go netefatsa phalolo ya sematlole mo pakeng e telele. Temothuo e lebane le mefutafutaya dipelaelo le mathata a mantsi. Dipelaelo mo ditlhotlhweng di ketefatsa tlhamoleano fela e e dira batlhokwa, mme leanothekiso le thusa montshadikuno go fokotsa, mathata a ditlhotlhwa fela e seng go a fedisa.
Maikutlo a gago mo go akanyetseng mathata a tlaa nna le tshusumetso mo mokgweng o o tlaa tsayang ditshwetso tsa thekiso tsa gago ka ona. Dingwaga tse dintsi tse di fetileng fa go ne go sa ntse go na le thulaganyo ya thekiso e e laolwang, balemi ba le bantsi ba ne ba ngongorega gore ga ba dire dipoelo ka ditlhotlhwa tse di tlhomilweng. Jaanong ka gore thekiso e e laolwang e fedisitswe mme thekiso e le ya mmaraka o o gololesegileng, balemi ba bantsi ba ngongoregela gore ga ba kgone go laola mebaraka. Thulaganyo ya thekiso efe kampo efe, e tla ka setlhopha sa dikgwetlho mme go botlhokwa go tlamparela ditšhono tse di tlhagisiwang.
Go dira diphoso ke karolo ya botshelo - ga go fose kota go fosa motho - go dira diphoso tsa temothuo ke karolo ya temothuo. Fela le gale fa re tswelela go boeletsa diphoso di le dingwe gona ga re tswelele pele, re tshwanetse ra bo re dira diphoso di le mmalwa le gona e le diphoso tse dintšhwa gore re kgone go tswelela pele.
A o ne o kgotsofetse ka ditlhotlhwa tse o di boneng mo nakong e e fetileng?
Ke ditiro dife tsa thekiso tse di dirileng sentle?
O akanya gore ke eng se se dirileng gore togamaano e o e diragaditseng e dire sentle?
O fitlheletse ditlhotlhwa dife tsa tota go tshwantshanya le ditekanyetsoboleng tse di kwa tlasetlase kgotsa, godimogodimo tsa selegae le pologare ya bošetshaba?
Ke ditiro dife tsa thekiso tse di sa dirang sentle?
Go reng dingwe tsa ditogamaano tsa thekiso tsa gago di sa dira sentle?
Maitlhomo a kgwebo a gago ke eng mo dikgweding tse di lesomepedi tse di latelang le mo dingwageng tse tlhano tse di tlang - maitlhomo a a tlaa ama jang leanothekiso?
Kgwebo ya me ya temothuo e dira jang?
Sekaseka sešwa seemo sa matlole sa kgwebo yotlhelele ya gago.
Ditshupalotseno tse di akanyeditseng, go tsena ga madi a a seatleng le dibuka tsa matlole gammogo le peotshenyegelo ya kanoko yotlhelele, di ka baakanyediwa go supa ka nepo ditshwaetso tsa diponalo tsa ditlhotlhwa tsa mmidi tse di farologaneng mo kgwebong.
Go tsena ga madi a a seatleng go go sa lekanang ka dinako tse di farologaneng tsa ngwaga, go tlaa thusa go tlhagisa gore ke leano la thekiso le le gaisang lefe le le ka latelwang.
Ntshodikuno ya tiragatso, inšorense le tlhamoleano ya thekiso di tsamaya mmogo le tlhamoleano ya matlole.
Fa o sa itse gore dijalo tsa gago di go jetse bokae, go bokete go itse gore o tlhoka go bona bokae ka tono gore o tle o bone poelo.
Balela ditshenyegelo tsotlhelele tsa ntshodikuno ka heketara le ka tono e e ntshitsweng.
Tsaya tsia ditshenyegelo tsa tlhamalalo - peo, monontsha, disele, dibolayatlhatshana, dibolayasenyi, badiri ba nakwana le inšorense ya dijalo.
Balela karolo ya ditshenyegelo tse di sa fetogeng (fixed) tse sejalo sa mmidi se tshwanelang go di rwala go tlhoma tlhotlhwa e e lekalekanang ya dipoelo/ditatlhegelo le poelo e e tlhokang go bonwa mo mmarakeng. Ditshenyegelo tse di sa fetogeng di akaretsa rente, tsalo (interest), badiri ba leruri, motlakase (ditshenyegelo tsotlhe tse di tswelelang o jetse le o sa jala dijalo).
Tlhotlhwatekatekano (breakeven) e tlhalosiwa jaaka tlhotlhwa eo mo go yona ditshenyegelo tsa tlhamalalo le tse di sa fetogeng tse di lekalekanang, di akareditsweng go fitlhelela poelo gotlhelele ya lefela (zero net profit).
Ntshodikuno ya mmidi gantsi ke karolo ya thulaganyo ya ntshodikuno leruo mo polaseng e e rileng. Ntshodikuno ya loruo ya phudiso kgotsa ya phepo, kgotsa tshilo le tlhakanyo ya mmidi go dira direšene tsa phepo, e ka nna tsona maatlatsweletso a ntshodikuno ya mmidi. Mmidi gape e ka nna sejalotlhobaelo se se ka dirisiwang mo leanothefosanong la dijalo la pakatelele mo polaseng. Ka jalo go botlhokwa go gopola dintlha tsotlhe tse fa o dira palelo ya tlhotlhwa ya minimamo - gopola go lekanyetsa boleng jwa mesola e mengwe mo go ntsheng dijalo.
O mo kgwebong mme fa o tshwanela go sala o le mo kgwebong o tshwanetse go dira poelo mo tirong nngwe le nngwe mo polaseng.
Go nna molemi wa dijalo go bokete mme go dintlha di le mmalwa tse di tshwanelang go tsewa tsia ka tshwetso nngwe le nngwe. Fa o tlogetse thekiso ya gago e bile o sa netefatse gore o direng, etela kgwebo ya temothuo ya gago e e gaufi, kgotsa bagwebi ba dithoro le go bona kgakololo ka fa go ka kgonegang ka teng. Le e bile motho a tshwanela go nna bori ka kgakololo, go sa ntse go na le batho ba ba siameng ba ba ikanyegang ba ba ka go thusang - ba batle o tla ba bona.
<fn>PulaImvula. MarketingMaize.2009-10.tn.txt</fn>
Thekiso ya dijo e akaretsa ditiro tsa kgwebo tsotlhe tse di amegang mo go eleleng ga dikuno le ditirelo tsa dijo go tswa bantshadikunong go ya badirising.
Thulaganyo ya thekiso ya dijo ke togagano e e marara le e e tlhotlhwakgolo ya mekgwathana, bommaditsela le ditiro tsa thekiso tse di bebofatsang ntshodikuno, phasalatso le kananyo ya tlamelo ya dijo tsa setšhaba. Thulaganyo e, e godile ka bogolo le botlhokwa go tsamaelana le kgolo ya temothuo e e kgethegileng, khudugelotoropong (urbanisation) le meele e mengwe ya ikonomiloago. Thekiso ke tirego ya bantshadikuno e e tlaleletsang popego, lefelo, nako le bomosolathuo jwa dikuno tsa polase. Boleng jo bo tlaleleditsweng mo tiregong ya thekiso ya dijo bo tlotlomatsa ditirego tsa bontshadikuno mo temothuong. Tirego ya thekiso e dira tshwaraganyo ya botlhokwa magareng ga bantshadikuno ba dijo le badirisi mme e tlhotlhelediwa ke ditlamelwanaseloago, thekenoloji le melao le mekgwa ya setšhaba. Thulaganyo ya thekiso ya dijo e tlhageletse ka ntlha ya go tsibogela ditlhokego tse di fetogang tsa bantshadikuno le badirisi ba dijo.
Ditiro tsa thekiso di tsenyeletsa dikgato tse di farologaneng tse di dirwang mo tsamaong ya kuno go tswa kemong ya tshimologo go ya popegong ya bofelo ya yona jaaka ya modirisi.
Tshedimosetso ya mebaraka.
Ka jalo, tsamaiso ya thekiso e itebagantse le tirego go tswa thobong go ya thekisong ya bofelo ya dikuno, e ka nna mo sebopegong sa boretala kgosa sa tlaleletsoboleng, se se ntshiwang mo polaseng.
Go laola dipholo tsa bona.
Bokgoni jwa bobapatsi bo na le tshusumetso ya botlhokwa mo ditlhotlhweng tse di amogelwang ke bantshadikuno mme ka jalo le mo lotsenong lwa bona.
Mmaraka o tlhalosiwa jaaka lefelo le barekisi ba ba ratang ba kopanang le bareki ba ba ratang mme ba fetise dikuno kgotsa ditirelo ka tlhotlhwa e e dumelanweng.
Bonnye, go tsweletsa le jaaka go eletsega, go tokafatsa dipholo tsa matlole le maemo a matlole a kgwebo.
Go tokafatsa seemo sa thulaganyetso, borulaganyi, tiragatso le taolo ya tsamaiso ya bobapatsi.
Go tlhatlosa tirego ya botsayatshwetso mabapi le tsamaiso ya bobapatsi - eng, leng le kae.
Go netefatsa kamogelo ya tshedimosetso ya bobapatsi e e lolameng.
Ditlhotlhwa le lotseno di na le seabe sa botlhokwa mo ditshwetsong tsa bobapatsi. Ditlhotlhwa le lotseno di tlhotlheletsa poelo le kabo ya ditlamelwana tsa bobapatsi. Tlhotlhwa e e amogetsweng e laela gore mo go tlhokegang tsereganyo ya mmaraka, tlhotlhwa, selekanyo sa bodirisi le selekanyo sa dipholo, di laolwa ke patlego le tlamelo.
Badirisi ba thulana le mathata a itlhopelo. Badirisi ba na le ditlhokego tse dintsi, kgotsa tse di se nang selekanyo - fela ka lotseno lo lo lekanyeditsweng. Ba leka go tlhopha dithoto le ditirelo tse di rileng tse di ka kgotsofatsang ditlhokego tsa bona mo bolekanyetsing jo bo tlhomiwang ke lotseno. Patlego ya kuno e ka tlhalosiwa jaaka kgolagano magareng ga tlhotlhwa le bokanakang jo bo rekilweng mo mmarakeng o o kgethegileng. Molao wa patlego o laela gore fa tlhotlhwa ya thoto e le kwa godimo, thoto e a go rekwa go le gonnye le vice versa. Fa tlhotlhwa e le kwa godimo go ya go nna le bareki ba le mmalwanyana fela ba ba nang le kgatlhego ya go reka kuno eo, fela jalo le ka tsela e nngwe. Batho ba bangwe ba tlaa tswelela go reka, fela e tlaa nna ka dilekanyo tse dinnye.
Patlego ke kgolagano magareng ga tlhotlhwa ya thoto le bokanakang jo bo rekilweng. Fa tlhotlhwa ya kuno e oketsega go tswa go R9,00 go ya R10,50, badirisi ba reka go le gonnye. Ba ka swetsa go reka pizzas. Fa tlhotlhwa e wela tlase go R7,50 ba reka go le gontsi. Bokanakang jo bo batlegang bo amana e seng sentle le tlhotlhwa.
Lenaneo 5.3.1: Bokanakang jwa kano e e batlegang ka ditlhotlhwa tse di farologaneng. Kgolagano e bontshiwa ka kerafo mo setshwantshong 5.3.
Mola o o thulamang o o golaganyang tlhotlhwa le bokanakang jo bo batlegang o bidiwa segoro sa patlego.
Bokanakang jo bo tlametsweng jwa kuno kgotsa tirelo efe le efe, ke selekano se barekisi ba ratang e bile ba kgonang go se rekisa ka tlhotlhwa e e rileng.
Fa patlego e le kgolagano magareng ga tlhotlwa ya kuno le bokanakang jo bo rekilweng, tlamelo yona ke kgolagano magareng ga tlhotlhwa ya kuno le bokanakang jo barekisi ba ratang go bo rekisa. Fa tlhotlhwa e le kwa tlase, go rekisa kuno ga go na poelo, mme go tlamelwa ka bokanakang jo bonnye fela. Fa tlhotlhwa ya kuno e oketsega, kgwebo e nna le poelo e ntsi, mme barekisi le bona ba rekisa go le gogolo. Ka jalo bokanakang jo bo tlametsweng bo amana sentle le tlhotlhwa. Kgolagano e e magareng ga tlhotlhwa le bokanakang jo bo tlametsweng e bidiwa molao wa tlamelo. Akanya ka moo bokanakang jo bo tlametsweng bo farologanang le tlhotlhwa, ditlhotlhwa tsa ditsenngwateng tse di teng, thekenoloji, le ditsholofelo tse di sa fetogeng. Lenaneo 5.3.2 le bontsha bokanakang jwa dihambeka tse di tlametsweng ke morekisi ka ditlhotlhwa tse di farologaneng. Fa ditlhotlhwa di ntse di tlhatloga le montshadikuno o ntse a tlamela ka bokanakang jo bo tswelelang go oketsega.
Segoro se se amanyang tlhotlhwa le bokanakang jo bo tlametsweng se bidiwa segoro sa tlamelo. Tlamelo e gogoropela kwa godimo ka ntlha ya gore ceteris panbries, tlhotlhwa e e kwa godimo e raya bokanakang jo bogolo jo bo tlametsweng.
Mo setshwantshong 5.3.3 digoro tsa tlamelo le patlego di bontshiwa mmogo. Tlhokomela gore digoro tsa tlamelo le patlego di kgabaganyana golo gongwe. Ntlha e ya kgabaganyo e bidiwa tekatekano ya mmaraka. Tlhotlhwa e bobedi jo bo kgabaganyanang mo go yona e bidiwa tlhotlhwa ya tekatekano, mme bokanakang bo bidiwa bokanakang jwa tekatekano.
Fa tlhotlhweng ya tekatekano, bokanakang jwa kuno jo bareki ba ratang go bo reka bo lekana po! le bokanakang jo barekisi ba ratang le go kgona go bo rekisa. Ka dinako dingwe tlhotlhwa ya tekatekano e bidiwa tlhotlhwa ya phatlalatso ya mmaraka ka gore ka tlhotlhwa e, mongwe le mongwe mo mmarakeng o kgotsofetse. Bareki ba rekile tsotlhe tse ba batlang go di reka, le barekisi ba rekisitse tsotlhe tse ba batlang go di rekisa.
Santlha, maemo a tlamelo a a tlhotlheletsang ditlhotlhwa tsa dikuno tsa temothuo le dijewa, di akaretsa ditshwetso tsa ntshodikuno, maemo a loapi, disenyi le malwetse, kgaolo e e robilweng le ditswantle (imports).
Sa bobedi, maemo a patlego a akaretsa lotseno, ditlhotlhwa, ditatso le dithatego, palobatho le diromelwantle.
Legoro la thekiso ya dijo le ama setlhopha sa boraro; le tlhotlheletsa ditlhotlhwa tsa dikuno tsa temothuo ka ditiro tsa tlaleletsoboleng, ditlhotlhwa, ditshenyegelo le ditogamaano tsa tshekelo (procurement).
Kwa bofelong, puso e ka tlhotlheletsa ditlhotlhwa tsa dikuno tsa temothuo ka kemonokeng ya ditlhotlhwa, taolo ya tlamelo, diketleetso, pholisi ya kgwebo kgotsa dipholisi tse di tlhotlheletsang patlego ya selegae ya dijewa.
Mo malobeng temothuo ya Aforikaborwa e ne e tsewa jaaka e e beetsweng thoko le go tlhaolelwa mo diikonoming tsa bosetšhaba le boditšhaba. Ka ntlha ya moo, ditlhotlhwa tsa dikuno tsa temothuo, ka jalo le lotseno go tswa dikunong tsa temothuo, di ne di tlhotlhelediwa bogolosegolo ke mabaka a legae jaaka ditshwetso tsa montshadikuno, pholisi ya puso, thekenoloji ya temothuo, maemo a loapi le patlego ya badirisi ya dijo.
Gompieno kakanyo e ga e sa dira. Mo pakeng ya kakaretsolefatshe, ga go na lephata lepe, go akaretsa temothuo, le le ka tlhaolelwang gotlhelele le ka nonofo mo lefatsheng ka bophara. Se se tlisa gape le tlhokego ya phokotso ya tsereganyo ya puso mo ditlhotlhweng tsa dikuno tsa temothuo le kgwebo mo Aforikaborwa. Ditlhotlhwa tsa dikuno tsa temothuo tsa Aforikaborwa jaanong ke tiro ya tlamelo le patlego ya boditšhaba, gammogo le tlamelo le patlego ya selegae.
Maemo a a farologaneng a tshwaela mo go tlhokeng nitamo ga ditlhotlhwa tsa dikuno tsa temothuo. Mo lotlhakoreng lwa tlamelo dipharologano mo ditshwetsong tsa bantshadikuno tsa ntshodikuno, maemo a loapi, disenyi le malwetse le ditiragalo tse dingwe tse di sa bonelwang pele, di tlhotlheletsa kgaolo e e jadilweng, thobo le ditlhotlhwa. Bantshadikuno ba ka laola dingwe, fela e seng dintlha tsotlhe tsa tlamelo. Le mororo bantshadikuno ba leka go lepalepanya patlego le tlamelo, tlholego e tlhola gore dilo di fosege. Montshadikuno a ka leka go inyalanya go ya le diponelopele kgotsa ditsholofelo tsa ditlhotlhwa go tsamaelana le kgaolo e e ka jalwang sejalo se se rileng, mme a iphitlhela e le gore thobo ya gagwe e kwa tlase ga palogare kgotsa maemo a kgolo a tlhola mafetiso ka ditlhotlhwa tse di kwa tlase, kgotsa gona gore kuno e romelwa teng ka ditlhotlhwa tse di kwa tlase.
Dipharologanyo tsa tlhotlhwa fa gongwe di tlholwa ke matsapa a bantshadikuno go atolosa kgotsa go fokotsa ntshodikuno. Tlhotlhwa e e kwa godimo e tlaa rotloetsa ntshodikuno kgotsa papatso e e oketsegileng, e kwa bofelong e tlaa isang kwa ditlhotlhweng tse di kwa tlase. Ditlhotlhwa tse di kwa tlase kgotsa godimo, mo temothuong di na le mokgwa wa go ipaakanya. Gale mo temothuong go na le ditiego tse di utlwalang tse di thibelang montshadikuno go tsibogela diphetogo tsa ditlhotlhwa ka bonako. Ke maitsholo ka kakaretso a bantshadikuno botlhe a a tlhotlheletsang ditlhotlhwa.
Dintlha tse di amanang le patlego le tsona di na le tshwaelo mo dipharologanong tsa ditlhotlhwa mo temothuong. Dikgolagano tsa kgwebo tsa boditšhaba di golaganya bantshadikuno le mebaraka ya Aforikaborwa le badirisi le bantshadikuno ba lefatshe ka bophara. Ka ntlha ya se, dipharologano mo ditlhotlhweng tsa lefatshe din a le kamego ya ka bonako mo ditlhotlhweng tsa selegae. Aforikaborwa ke monnaleseabe yo mmotlana mo mebarakeng ya lefatshe ya dikuno tsa temothuo, ka gore diromelwantle tsa rona di dira fela karolonyana e nnye ya kgwebo ya lefatshe kgotsa tota le yona ya diromelwantle tse dikgolo, jaaka kgwebo ya mmidi e e laolwang segolo ke USA, boboa ke Australia le waene ke Fora. Maemo mo mebarakeng ya lefatshe ke setlhotlheletsisegolo mo ditlhotlhweng tsa selegae.
Lotseno lwa selegae lwa badirisi, maemo a bothapi le kgwebo, di tlhotlheletsa patlego le tlhotlhwa ya dijo.
Ka nako e mo karolong ya ntshodikuno tsa dijalothoro, bantshadikuno ba šebane le tlalelo ka ba sa tlhole ba kgona go ntsha dithoro ka ditlhotlhwa tsa gajaana. Ditshenyegelo tsa ditsenngwateng di feta boleng jwa dithoro tse di ntshiwang.
Temothuo ke kgwebo, mme jaaka go ntse ka kgwebo nngwe le nngwe, fa go sa dirwe poelo, gona kgwebo e tshwanetse go tswalwa. Bantshadikuno mo Aforikaborwa ba fepa setšhaba, mme fa dikgwebo tsotlhe tsa bona di tswalwa batho ba tlaa ja eng Karabo e e totobetseng ke gore re tlaa tshwanela go reka dijo tse re di tlhokang kwa ntle. Se ke nnete ruri, kwa ntle ga go reka dijo kwa ntle re tshwanetse re nne le kananyo ya kwa ntle (madi) go duelela diromelwateng. Mo nageng nngwe le nngwe, go na le se se bidiwang 'tekatekanyo ya tuelo' (balance of payment) mme se totatota se raya tekatekanyo magareng ga madi a naga e a bonang go tswa diromelwantleng le madi a naga e a senyang go duelela diromelwateng. Fa re se na dilo tse di lekaneng go di romela ntle go bona kananyo ya kwa ntle (foreign exchange), naga ga e ne e nna le madi a a lekaneng go rekela teng dijo tse batho ba di tlhokang mme se se tlaa ama tshireletsego ya dijo ya bosetšhaba?
Gajaana mmaraka o baya Aforikaborwa mo bothateng jwa tlhaelo ya dijo ya bosetšhaba - naga ya rona e na le kgono ya go ntsha dijo tsotlhe tse re di tlhokang, gammogo le lefetiso le re le romelang ntle kwa dinageng tsa boagisani. Fela le gale, kwa ntle ga gore go dirwe sengwe mabapi le ditlhotlhwa tse bantshadikuno ba di bonang mo dithorong tsa bona, se se tlaa re mo nakong e e sa fediseng pelo se khutle. Bothata jwa ponopoelo bo ama bantshadikuno ba bagwebi le ba ba tlhabologang - botlhe ba tshwanela go dira poelo. Re tshwanela go akanya ka tolamo ka ntshodikunothoro - go reng ditlhotlhwa di le kwa tlase jaana, mme Mmuso o ya go dirang go sireletsa bantshadikuno ba rona - motswedi wa dijo le tlhale ya rona?
<fn>PulaImvula. Measure.2007-12.tn.txt</fn>
Go lekanya ke go itse!
Bogologolotala pele temothuo e nna kgwebo ya seemo sa kgwebo se se kwa godimo, balemirui ba ne ba sa tshwenyegele go lekanya jalojalo.
Ba ne ba dirisa motshetelo mo masimong a bona - go ya fela ka gore ba na le o o kana kang, kgotsa gore ba ka kgona go gasa o o kana kang pele ga nako ya go lema. Ba ne ba dirisa diruiwa go goga mogoma - o tsena boteng joo pitse, tonki kgotsa pholo e ka bo kgonang. Ba ne ba gasa peo ka letsogo go tswa mo kgetsaneng e e kaleditsweng mo lotlhakoreng - gammogo le ka moo letsogo le neng le ka kgona go gasa peo ka teng. Ba ne ba tlhagola ka mabogo, ba laola disenyi ka tsela e ba ka e kgonang le go roba ka mabogo - kwa ntle ga go itse gore tota ba ne ba jetse diheketara tse kae, e bile ba sa itse le gore ba robile dithoro tse di kana kang. Sotlhe se ba neng ba se itse fela e ne e le gore a thobo e ba e robileng e tlaa kgona go fepa balelapa le loruo mo ngwageng o o tlang kgotsa nnyaya. Banna! Dilo di fetogile jang ne!
Gompieno re tlhoka go lekanya - fa re lekanya le go balela thata gona re kgona go nepa po! E bile ke gona re tlaa kgonang go laola seemo mo tirong ya temothuo thata. Mo kgannyaneng e, re tlaa bua ka ga dilo dingwe tse rona jaaka balemirui re tlhokang go di lekanya.
Re tlhoka go itse bogolo jwa masimo a re yang go a jala. Dipalelo tsotlhe tsa methamo ya maatla a terekere, disele, peo, monontsha le dikhemikale tse re tlaa di dirisang mo setlheng seno, di ikaegile ka bogolo jwa tshimo.
Mebu e farologana thata, ka boteng jo bo kgonagalang le ka pharologantsho. Re tlhoka go itse mofuta le boteng jwa mmu o re yang go o lema wa tshimo nngwe le nngwe - o se ke wa bo wa akanya gore mebu ya gago yotlhe e a tshwana! Mofuta le boteng jwa mmu di na le seabe se segolo mo tseoditshwetsong ya gore ke sejalo sefe se se tshwanetseng go jalwa - dijalo dingwe ga di ka ke tsa jalwa mo mebung e e lopapadia. Fa o ka tshokane o ntse le mebu e e lopapadia, seo ga se matlhotlhapelo - go raya fela gore o tlaa tshwanelwa ke go swetsa gore ke dijalo dife tse o ka di jalang ka poelo mo mmung oo (kgotsa ka ntlha e nngwe, mafulo a o tshwanetseng go a jala go dirisa mebu e e humanegileng e ka poelo).
Dimela tsotlhe di monyela dikotla go tswa mo mmung gore di gole le go tswelela. Dintlha dingwe jaaka pula le metsi a a tsamayang mo teng ga mmu di na le tshusumetso mo go nneng teng ga dikotla mo mmung. Ka go tsaya dikaommu, molemi o kgona go lekanyetsa seemo sa dikotla mo mmung gammogo le PH ya mmu (se ke selekano sa botlha mo mmung). Fa mmu o le botlha thata, le e bile dikotla di ka nna teng mo mmung oo, dimela ga di ka ke tsa di fitlhelela. Kwa ntle ga go itse seemo sa mmu, ga re kitla re kgona go balela mofuta le selekano sa monontsha o o batlegang go ntsha dijalo.
Dijalo tsotlhe di na le dilekanyetso tsa dithemphereitšha dingwe tse di ka di emelang. Re tlhoka go itse minimamo le makesimamo wa dithemphereitšha tse re ka di solofelang mo ngwageng otlhe, le gore serame sa ntlha se solofetswe leng. Fela fa re na le tshedimosetso e, re tlaa kgona go akanya gore ke sejalo sefe se re tlaa se jalang, mofutapeo o o tshwanetseng dithemphereitšha tsa rona gammogo le boleele jwa setlhakgolo sa rona. (Gakologelwa gore setlhakgolo ke nako ya go tswa jalong ya sejalo go fitlhelela se butswa - letlha la tsholofelo ya serame sa ntlha mo kgaolong ke lona le le tlhomang boleele jwa setlhakgolo).
Go botlhokwa thata go itse gore pula e e nang ka ngwaga mo kgaolong ya gaeno e kana kang le gore dipaka tsa komelelo di ka solofelwa leng. Re itse rotlhe gore ga re laole gore pula e ne leng, fela re ka dirisa palogare ya dipalopalo go dira ditogamaano. Malatsing ano, diponelopele tsa maemo a loapi di nepagetse e bile bontsi jwa makhubu a komelelo le bometsi, di bonelwa pele dikgwedi tse dintsi go sale gale - dirisa tshedimosetso e ka tshwanelo. Go lekanya pula ga go thata (dilekanyi tsa polasetiki di teng mme di tshwanetse go anamisiwa le polase ya gago). Morago ga pula nngwe le nngwe o ka lekanya gore e nele bokae mme wa kwala. Mmililitara mongwe le mongwe wa pula e e nang o tsena mo mmung mme o kolobise mmu go le gonnye fela - o tlhoka go lekanya pula gore o tle o itse tota gore mmu o kolobisitswe go le kae.
Go botlhokwa go fetisisa gore o jale palo e e nepagetseng ya peo ka heketara gore o tle o kgone go fitlhelela palo ya dimela e e eletsegang ka heketara. Palo ya dimela e e eletsegang ka heketara e farologana go ya ka kgaolo nngwe le nngwe tota le go ya ka mebu e e farologaneng mo kgaolong e e tshwanang. Lebaka la botlhokwa jwa palopalo ya dimela ke gore semela sengwe le sengwe se tlhoka selekano se se rileng sa metsi le dikotla go kgona go gola ka botlalo - fa go le dimela di le mmalwa fela semela sengwe le sengwe ga se ka ke sa ntsha go lekane go bona thobo e e elediwang, mme fa go na le dimela tse dintsi di gaisanela metsi le dikotla mme le teng ga die kitta di ntsha thobo e e elediwang. Molemi o tshwanetse go itse gore bopharamola ke bokae le gore peo e katologane sekgala se se kae mo moleng - se ke ntlha e e masisi mo ntshodikunong ya dithoro.
Dimela di thoka dikotla go gola le go dira dithoro. Selekano sa dikotla tse di batlegang se tlhomiwa ke thobo e e akantsweng. (thobo e e kgonegang e molemi o e ikaeletseng mo tshimong eo ka semela se se kg ethegileng seo). Dipholo tsa sekaommu se di tlaa neela seemo sa gajaana sa dikotla mo mmung, mme selekano sa dikotta se se tlhokang go tlalelediwa, go ya ka dipholo tse, se tlaa balelwa. Monontsha o botlhokwa thata, mo ntshodikunong ya dijalo, fela gape e turu thata se se dirang gore go nne botlhokwa ga balela ka nepo selekano sa monontsha se se tlhokegang le go tshela ka nepo sona selekano seo.
Eno ke karolo nngwe eo mo go yona go lekanya go leng botlhokwa thata. Dikhemikale tsotlhe tse di tla le katlanegiso ya kelotshelo. Se se balelwa ka kelotlhoko e tona go netefatsa gore molemi o atlega mo maitlhomong a kgatsho kwa ntle ga go senya dijalo kgotsa tikologo. Kelotshelo ya dikhemikale gantsi e akaretsa selekano sa metsi se se tshwanetseng go dirisiwa ka heketara - sekao: litara e le 1 ya khemikale mo dilitareng tse 250 tsa metsi ka heketara (se le sona ke selekanyo se se botlhokwa). Dikhemikale tse di dirisiwang mo ntshodikunong ya dijalo di kotsi le go tura, ka jalo go botlhokwa thata gore di dirisiwe jaaka go atlanegisiwa (Khaliboreišene ya sekgatshi ke kgokedi ya botlhokwa nngwe mo moleng wa ntshodikuno ya dijalo).
Morago ga go dira ka thata go go kana o fillheletse thobo e e kae mo heketareng nngwe le nngwe Go na le matsapa a magolo thata a a tseelwang ntshodikuno ya dijalo mme kwa bofelong, go botlhokwa go itse gore totatota o atlegile go le kana kang. O simolotse ka mmu - o bo o o suga, o bo o swetsa gore o ya go jalang, o ya go dirisa mofutapeo ofe, o ya go tshela selekano sa monontsha se se kana kang, o ya go dirisa dikhemikale dife le gona selekano se se kana kang, o ya go dirisa dikhemikale dife le gona selekano se se kae sa nngwe le nngwe - tsotlhe tse di tsere nako, matsapa le madi a man. Jaanong go setse go roba sejalo le go se rekisa - o tlhoka go balela gore tono nngwe le nngwe e go jele bokae go e ntsha le lotseno lo o lo boneng mo go yona gore o tle o kgone go bona gore a o dueletswe matsapa agago kgotsa nnyaya?
Mo lenaneong la rona la Tlhabololo ya Molemirui, re kopana le balemi ba le mmalwa ba ba sa netefatseng bogolo jwa masimo a ba a jalang, mofuta le boteng jwa mmu, seemo sa dikotla tsa mmu, monontsha o ba rulaganyang go o dirisa, palopalo e ba e eletsang ya dimela kgotsa selekano sa dikhemikale tse ba rulaganyang go di kgatsha. Balemi ba tlhoka go lekanya - lekanya tshimo, mmu, dikotla, pula, dithemphereitšha, palopalo ya dimela, kelonontsho, trelo ya dibolayatlhatshana le diboladisenyi le thobo. Ka tsela e, o tlaa bo o le mo tseleng e e siameng ya go nna molemi wa mogwebi.
<fn>PulaImvula. MeasurementOpot.2008-10.tn.txt</fn>
Mekgwa e e farologaneng e mentsi ya go meta peo e dirisiwa go netefatsa katoganyo ya peo e e nepagetseng. Sediriso se se tlwaelegileng ke polata le mofuta wa diphatlhana (e bontshiwa fa tlase).
Diseke e e metang e na le leseka (ring) la diphatlhana, nngwe le nngwe ka bogolo jo bo lekaneng fela go amogela tlhaka ya peo e le nngwe ka nako e le nngwe. Fa diseke e dikologa e relela mo godimo ga polata ya motheo, e e nang le phatlhana e le nngwe fela. Karolo ya diseke e khurumeditswe mme sekhurumetsi se se na le sekarapore se se gogolang peo efe kampo efe e e feteletseng e e sa ntseng e le mo godimo ga peo e e mo phatlhaneng, fa diseke e ntse e dikologa. Gape ka fa gare ga sekhurumetsi go na le monwana o o rweleng seporeng, o o relelang mo godimo ga diseke go kgorometsa go tswa mo phatlheng fa peo e feta mo godimo ga molongwana o o mo polateng ya motheo fa tlase ga diseke. Popego le bogolo jwa diphatlhana tsa diseke di botlhokwa go netefatsa gore ke peo e le nngwe fela e e tlaa tsenang mo phatlhaneng le go thibela peo go tlamela fa e tshwanetse go wela kwa ntle.
Go na le mefuta e mebedi ya dipolantere tsa mowa - e nngwe e na le kgatelelo e e sa siamang (negative) (e e budulelang peo le go e pateletsa go tsena mo phatlhaneng) fa e nngwe e na le kgatelelo e e siameng (positive). Ka dimekheniseme tse bogolo jwa peo ga bo botlhokwa go le kalo, jaaka mo polantereng tsa mowa - bololea bo tsuntsunyetsa peo e le nngwe go tsena mo phatlheng, go sa kgathalasege bogolo jwa peo. Bokanakang jwa peo jo bo jalwang bo ikaegile ka lebelo la polata e e dikologang.
Sediriso sa go meta se se tlwaelegileng thata ke mofuta wa sefetlho kgotsa sekurufu. Sefetlho se ntse mo botlaseng jwa kgamelo ya monontsha. Gantsi sefetlho se dikolosiwa ke kgweetso ya tšheine go tswa leotwanakgweetsong la mo mmung. Fa se dikologa, monontsha o tshwara mo difulutung tsa sefetlho le go gogolelwa go ya bokhutlong jwa molongwana wa kgamelo ya monontsha.
Tsela e yosi ya go setela go meta ke go fetola diseporokete tsa tšheine magareng ga leotwanakgweetso la sefetlho.
Sediriso sa go meta ka diseke se tlwaelegile thata mo dipolantereng tse di sa reng sepe tsa ditshenyegelo tse di kwa tlase. Diseke ya go meta ga se sediriso sa go meta se se siameng jaaka sefetlho. Bontsi jwa nako monontsha o elela go tswa mo kgamelong ya monontsha fela e thusiwa ke go dikologa ga diseke. Setlhotlheletsi ke popotlo mo godimo ga diseke mme e dira go fuduwa monontsha le go o thusa go ya kwa molongwaneng.
Sediriso sa go meta ka leotwananaledi le sona ke thulaganyo ya go meta e e siameng (positive).
Leotwananaledi le tlhomilwe ka fa gare ga kgamelo ka tsela e e leng gore menwana e dikologa ka fa ntle ga kgamelo.
Ka fa gare ga kgamelo monontsha o tshwarega magareng ga menwana ya leotwana, mme fa le ntse le dikologa menontsha e gopiwa go tswa mo kgamelong go wela mo tšhupung ya kaelo.
Fetola diseporokete ka tšheinekgweetso go dira leotwana go dikologa ka bonako kgotsa bonya.
Fetola leotwananaledi ka le lengwe le le nang le menwana e meleele kgotsa mekhutshwane.
Maotwananaledi mangwe a ka tswa a na le "sluice gate" jaaka yunite ya go meta ya diseke. Go bula "sluice gate" go tlaa ntsha monontsha o montsi thata.
Ka re bone dikarolowana tsa polantere, gammogo le metheo ya thulaganyo ya go meta ya peo le monontsha - potso ke gore dikarolo tsotlhe tse di dikologa jang?
Thulaganyo ya go meta gale e kgweediwa ke go tswa leotwaneng la tshegetso mo polantereng. Maotwanakgatelelo fa gongwe a dirisiwa jaaka maotwanakgweetso le maotwana a tshegetso. Fa gongwe go dirisiwa leotwana le le gokeletsweng mo polantereng. Leotwana le le ka tswa le le bokete jo bo lekaneng go bona kgogo e e lekaneng, kgotsa le gatelelwa kwa tlase ka seporeng.
Makwapa a a kgethegileng a sa ntse a dirisiwa go netefatsa gore leotwana ga le relele thata. Lebelo la go dikologa la leotwana kgweetso le ikaegile ka lebelo la fa fatshe la terekere - fa terekere e taboga ka bonako, leotwanakgweetso le lona le tlaa dikologa ka bonako. Thulaganyo ya dikere, diseporokete le ditšheine e a dirisiwa go tlhoma lebelo la medikologo ya dimekheniseme tsa peo, mme thulaganyo e nngwe ya dikere, diseporokete le ditšheine e dirisiwa go tlhoma lebelo la medikologo ya mekheniseme wa monontsha.
Ela tlhoko gore mefuta e e farologaneng ya dipolantere e na le dimekheniseme tse di farologaneng - sekao, dingwe di na le matsogwana a a ka setelwang go ka bula go tlhotlheletsa kelelo ya peo le monontsha.
Go tlhotlheletsa lebelo la dimekheniseme go dirisiwa dirašio tsa kere - se ke kgopolotheo ya botlhokwa e e tlhokang go tlhaloganngwa thata.
<fn>PulaImvula. Mechanisation.2008-04.tn.txt</fn>
Molemirui wa segompieno o gabalalela gangwe le gape go nna le kgono le nonofo mabapi le tiriso ya tota ya diterekere, dirobi le metšhine e e tsamaelanang le tsona.
Se, se boammaaruri tota mo ditirong tsa tshugommu. Kgolo ya segompieno mo metšhineng e mentšhwa, e e ka bonwang kwa Letsatsing la Thobo la NAMPO ngwaga le ngwaga, e bontsha moele wa koketsego ya maatla (horse power) kgotsa tekanyo ya dikhilowate tsa metshine ya polase e e tsamaisiwang ke enjene. Se se akaretsa bogolo (size) le mothamo wa metšhine, e ka nna terekere, sedirafuru se se itsamaisang, mogoma o o gogwang wa diforo tse dintsi kgotsa megoma ya didiseke tsa meno a a sephara.
Ditshenyegelo tsa go nna mong wa metšhine le go reka e mengwe e e emelang, gammogo le dipereko tsa temo le tlhagolo, di oketsega ka lebelo thata. Ditshenyegelo tsa go sa tlhagoleng ka nako di ka tlhola tatlhegelo ya dijalo kgotsa thobo ya dijalo e e kwa tlase ga palogare.
Go kgona go fitlhelela maitlhomo a ntshodikuno ya dijalo le tse dingwe jaaka a tlhagisitswe mo tlhamoleanong ya polase, mo go diriseng maitlhomo a metswedithuso le matlole, go botlhokwa go rulaganya go ya ka bokgoni jwa didiriso tse di gona. Morago ga go wetsa lenaneothoto la didiriso tse di gona, molemi o tlaa itse gore ke diterekere tsa tlelase le bogolo bofe tse di gona le tekanyo ya dikhilowate tsa nngwe le nngwe.
Bogolo jwa diterkere le kgonokgogo ya tsona kgotsa maungotiriso a tsona, di tshwanetse go sekasekwa mmogo le bogolo le kgonotiro ya didiriso tse di gona. Fa se se setse se dirilwe, go ka lekanngwa dipholo go ya ka nako e e tserweng mogolemeng, go repeng, go deseng, go tlhagoleng le go jaleng.
Molemi jaanong o ka dira ditshwetso di le mmalwa gore a o na le didiriso tse di lekaneng kgotsa nnyaya. O ka nna a tshwanela go hira kgono ya tlaletso kgotsa a hira borakonteraka go dira ditiro tse dingwe tsa motheo. Sekao, go ka tswa go ka nna ditshenyegelotlase go hira rakonteraka wa terekere e kgolo ka didiriso tse di e tshwanelang, go dira temo ya motheo, go repela kwa teng kgotsa ditiro tsa go desa. Molemi jaanong o ka feleletsa ditiro tsa tshugo tse di setseng a dirisa didiriso tsa gagwe e bile gongwe tse dipotlana. (Leba khoso ya borakonteraka tsweetswee, go bona tshedimosetso go ya pele).
Molemi o tshwanetse go swetsa magareng ga go nna, ka boena, le didiriso tsotlhe go wetsa ditiro tsotlhe tse di rulagantsweng ka nako, go hira didiriso tsa tlaletso tse di tlhokegang kgotsa go dirisa tsa borakonteraka. Ditshenyegelo tse di tlhomameng tsa go nna le didiriso tsotlhe, bogolo jang mo baleming ba ba simololang, mabapi le kwelotlase ya boleng, makgetho, bobolokelo, inšorense le tsalo, di tshwanetse go tsewa tsia mokgweleo wa matlole o o imelwang ke kgwebo mo go dueleng dikadimo tse di dirilweng go bona didiriso tsa tlaleletso, di ka kgoreletsa kgwebo le go e tsenya mo mathateng a a boitshegang a matlole. Fela gape le gona tlhoka go didiriso go ka raya go tlhoka go jala dijalo le go di roba ka nako.
<fn>PulaImvula. Mechanisation.2009-11.tn.txt</fn>
Tsamaiso ya tirisometšhine - ke maikarabelo a ga mang?
O ka tswa o le lesego la go bo o amogetse diterekere le didiriso go tswa go Lefapha la Temothuo, kgotsa go tswa mekgatlhong mengwe fela. Go ka diragala gore o bo o sa newa didiriso tse e leng tsa gago ka sebele, mme e le gore go tlhokega gore o di arogane le bantshadikuno ba bangwe ba le mmalwa. Se se bokete tota. Gakologelwa le gale gore, o lesego go gaisa ba bantsi ba ba sa kgoneng go fitlhelela diterekere le didiriso gotlhelele.
Tirisometšhine ke lesego le legolo, fela e tlhoka tsamaiso. Go maikarabelo a magolo thata a a tshwanelwang go rwalwa ke mongwe le mongwe yo o amegang mo tirisong ya yona. Mekgwatiriso ya tsamaiso e e maikarabelo e tshwanela go buisanelwa mme jaanong go tsewe ditshwetso jaaka setlhopha - lo tshwanela go dumelana ka tsela e sengwe le sengwe se dirwang ka yona, mme lo tshwanela go netefatsa gore mongwe le mongwe mo setlhopheng o dumelana le ntlha nngwe le nngwe gore lo kgone go diragatsa ditshwetso moragonyana.
A batho ba tshwanela go duelela go dirisa didiriso, fa go le jalo go reng?
Batho ba duela mo go mang go dirisa didiriso?
Fa ba tshwanela go duela, tuelo e tlaa balelelwa jang - ka ura kgotsa ka heketara?
Batho ba bantsi ba batla go dirisa sediriso ka letsatsi le le lengwe/le le tshwanang.
Montshadikuno a le mongwe o na le masimo a le mantsi mme o batla go bereka masimo otlhe a gagwe ka gangwe - fa e le gore bantshadikuno ba bangwe ba na fela le tshimonyana e le nngwe. Go ka berekwa diheketara di le kae ka motho?
Bantshadikuno ba tlaa tsaya disele kae A mongwe le mongwe a reke modutonyana o o tletseng disele mo karatšheng ya selegae, a kampo setlhopha se tlaa nna le tanka e kgolo e mongwe le mongwe a ka pompang disele mo go yona?
Fa disele e ka rekwa ka bontsi, ke mang yo o ka tlhokomelang tiriso ya yona Ke mang yo o tlaa rwalang maikarabelo?
A disele e tlaa rekwa le go rekisiwa ka tlhotlhwa e e tshwanang, kgotsa setlhopha se tlaa dira poelo e nnye, e e ka diresediwang go duelela dingwe tsa ditshenyegelo tsa tlamelo?
Fa sengwe se robega mo terekereng, ke mang a rwalang maikarabelo a dipaakanyo?
Morago ga go dirisa terekere, a e busiwa ka tanka e tletse disele?
Bakgweetsi ba terekere - a e ka kgweediwa ke mongwe le mongwe, kampo e nne le mokgweetsi yo o supilweng, kgotsa bogolo e nne mongwe yo o nang le laesense ya go kgweetsa terekere?
Sediriso se tota se abetswe mang?
A "beng" ba itshupile ka maina k.g.r a sediriso se se ya go dirisiwa fela ke setlhotshwana se se lekanyeditsweng sa batho, kgotsa a se ka dirisiwa ke mongwe le mongwe go tswa morafeng otlhelele?
Maitlhomo a motheo a sediriso se ke afe A ke go bereka masimo kgotsa a gape se ka dirisiwa jaaka sepalangwa?
Sediriso se tlaa bolokwa kae - kwa bosireletsegong jo bo fa gare kgotsa magaeng a a farologaneng?
Diterekere di tlaa baakanngwa kae?
Ke mang a tlaa tsholang rekoto ya gore diterekere di tlaa baakanngwa leng?
A beng ba itse maikarabelo a bona mabapi le tiriso ya didiriso?
A go na le dithulaganyo ka ga tiriso ya sediriso?
Ke mang a ka dirisang sediriso le gona leng?
Ke mang a ka dirisang (operate) sediriso?
Dipusetso tsa ditshenyegelo?
Dipaakanyo le dithulo?
Katiso ya badirisi (operators)?
Dikgato tsa pabalesego?
Kemisetso ya diterekere le didiriso ka tse dingwe?
Inšorense ya diterekere le didiriso?
Tshekatshekoseemo ya didiriso?
Konteraka le badirisi (operators) (fa motho a duelelwa go kgweetsa, j.j)?
Konteraka le mong wa lefatshe - go tshwanetse go dirwe eng, le gona ka seemo sefe?
Dinako tsa mananeotiro?
Dithulaganyo mabapi le khaliboreišene ya dikgatshi le dipolantere?
Tsamaiso morago ga tiro nngwe le nngwe - sekao, morago ga kgatsho ya masimo, go tshwanetse go tsholwe rekoto gore go dirisitswe dikhemikale dife?
Tlamelo le tuelelo ya disele?
Ke mang a tshwanelang go kgweetsa terekere ke mang a ka kopiwang go kgweetsa terekere?
A go na le katiso nngwe e e tshwanelwang go tsenelwa ke bakgweetsi?
Ke mang yo o tla katisang mokgweetsi mabapi le tiriso ya terekere jaaka e laelwa mo kaeding ya mokgweetsi?
Ke mang a rwalang maikarabelo a tsamaiso ya bakgweetsi?
A terekere nngwe le nngwe e na le mokgweetsi a le mongwe fela, kampo batho ba ba farologaneng ba kgweetsa terekere ka dinako tse di farologaneng?
Fa go na le go feta mokgweetsi a le mongwe, ke mang a rwesiwang maikarabelo a terekere?
Ke mang a rwalang maikarabelo a go tšheka terekere moso mongwe le mongwe pele e ya masimong?
Ke mang a tshwanetseng go netefatsa gore maemo a terekere a letsatsi le letsatsi a mo seemong se se eletsegang?
A go na le didiriso mme a go na le ditshiamelo tsa go phepafatsa diterekere le didiriso?
Mathata fa a le teng a begwa mo go mang?
Ke dithulaganyo dife tse di ka latelwang go thula diphoso?
<fn>PulaImvula. MechanisationMaize.2009-05.tn.txt</fn>
Fa o ikaelela go nna montshadikuno wa dijalo wa mogwebi, ga go ne go tsaya lobaka go lemoga botlhokwa jwa tirisometšhine - diterekere, ditlamelo le metšhine. Kwa tshimologong, fa o bereka tshimo e potlana, o ka nna wa kgona go e bereka ka mabogo, kgotsa wa dirisa selemi se se gogwang ke diphologolo (ditonki kgotsa dipholo). Fela le gale, fa o simolola go bereka diheketara di le mmalwa o tlaa batla go dirisa metšhine gore o kgone go dira tiro e ntsinyana mo nakong e khutshwane.
Re itemogetse gore bantshadikuno ba bantsi ga ba kgone go tswelela pele e le ka ntlha ya go tlhoka go fitlhelela diterekere le metšhine, tse di lekaneng, kgotsa e le ka ntlha ya seemo se se bokoa sa dilwana tse. Terekere ga e na mosola ope mo montshadikunong fa e sa kgone go dira - le fa e ka nna ka lebaka lefe fela.
Tlhola dilekanyo tsa oli le metsi.
Batla rekoto ya tirelothulo ya terekere.
Leba maemo a dithaere.
Tlhola ditutlo tsa oli - di se ka tsa nna gona.
Dumisa terekere mme o reetse enjene.
Tsamayanyana o tlhole go dira ga tlelatšhe le dikere.
Huku le ditlamelo mme o tlhole dithulaganyo tsa dikuki (lifts) le haeteroleki.
A PTO e a dira?
A dilekanyetsi (gauges) le diponetsiboso tsotlhe di dira sentle?
Goga sediriso, o bone gore a terekere e na le maatla.
Tlhomamisa mofuta wa mekhenisime wa polantere - a ke polantere ya dipolata, polantere ya mowa kgotsa mekheniseme wa monwana?
Polantere e jala mela e le kae?
Haka polantere mo terekereng. Tshela peo le monontsha mo dikgamelong tsa polantere. Tsamaisa terekere sekgala sa dimmitara di ka nna lesome, mme o tlhole gore a mela yotlhe e a bereka. Fa peo/monontsha di sa tswelelele sentle jaaka go batlega, tlhola dikarolo tse di tsamayang ka kelotlhoko go bona bothata.
Tlhomamisa gore a polantere e na le dipolata tsa tlaleletso (fa e le polantere ya dipolata).
Pele o haka sekgatshi, tlhola selekanyo sa oli mo pompong.
Haka sekgatshi mme o se gokelele mo PTO. Gokaganya sekgatshi, mme o bone gore a dinosele tsotlhe di a kgatsha.
Fa go na le mathata, netefatsa gore bothata ke eng - a ke pompo, feletara kgotsa dinosele?
Fa sekgatshi se se mo kemong ya go dira a se ka baakanyega?
Tlhatlhoba foreime - a e konegile kgotsa phanyegile?
Tlhatlhoba diboutu le digokedi tsotlhe.
Tlhatlhoba dipeipe le dipompo tsa haeteroleki - a di mo kemong ya go dira e e siameng kwa ntle ga go dutla?
Tlhatlhoba maotwana a go di rwala - tlhola kgatelelo ya dithaere.
Tlhola dibering tsa sediriso - a sengwe le sengwe se logeditswe le mo maemong a a siameng a tiriso?
Netefatsa gore o dira tshekatseko e e tseneletseng mo diterekereng le ditlamelo tsotlhe gore o tle o se ke wa leka go bereka masimo a magolo go feta ka moo didiriso tsa gago di ka go letlang. Go botoka go dira poelo mo palong e potlana ya diheketara go na le go bona tatlhegelo mo palong e ntsi ya diheketara. Bereka fela bogolo jwa masimo a o ka kgonang go a bereka sentle.
<fn>PulaImvula. Member(maize).2011-04-07.tn.txt</fn>
Ke ka nna jang tokololo ya Grain SA?
Motho mongwe le mongwe yo o leng montshakuno wa dithoro, o ka nna tokololo ya Grain SA. Go na le botokololo jo bo farologaneng jwa mokgatlho o, fela jo bo tlwaelegileng thata, ke jwa ditokololo tsa bogwebi jo bo tletseng le ditokololo tsa setlhophathutano.
Go na le botokololo jwa setlhophathutano jo bo jang R10 ka tokololo ya setlhophathutano ka ngwaga. Fa go na le batho ba ba ratang go dira setlhophathutano le go nna ditokololo tsa Grain SA, tsweetswee ikgolaganyeng le Motlhankedi wa Tlhabololo yo o gaufi le lona, bao maina le megala ya bona di tlhagelelang mo lemoragong la tsebe ya bofelo ya lokwalodikgannyana lo. Maitlhomo a ditlhophathutano ke go tshwara dipitso gangwe le gape, tse mo go tsona go buisanelwang dintlha tsotlhe tsa ntshokunothoro. Go nna tokololo ya setlhophathutano go raya gape go fitlhelela dikhosokatiso tse dintsi tse di tlhagisiwang ke Grain SA ngwaga otlhe.
Re solofela gore bontsintsi jwa bantshakuno ba ba tlhabologang bo tlaa nna ditokololo tsa bogwebi tse di feleletseng tsa Grain SA ka go duela lekgethwana la bona la R2 ka tono mo tonong nngwe le nngwe e ba e robang. Grain SA e tlhoka botokololo jwa gago gore re tle re kgone go buelela bantshakunothoro botlhe mo Aforikaborwa ka lentswe le le lengwe.
<fn>PulaImvula. Miss(maize).2010-10-13.tn.txt</fn>
Byline: Phonnie du Toit, Setheo sa Dijalothoro sa ARC.
Grabber: Nna podi matseba, tšhono e e gaisang ya gago e ka tlhagelela ka bonako jo o sa bo solofelang.
Grabber: Leka gore o se semelele thata mo o ka fosang ditšhono tse di gaisang tsa gago tse di masisi mo ntshokunong ya dithoro e e atlegileng.
E re ka bantshakuno ba dithoro ba ikaegile ka gore setlha sa dijalo sengwe le sengwe e nne se se siameng, dithoro tse dintsi di rulaganyediwa mo godimo ga setlha sa ntshokuno se le sengwe ngwaga ka ngwaga. Mo pakeng e khutshwane jalo, tšhono e e siameng e tlhagelela gangwe fela mo mabakeng a le mantsi. Bantshakuno gantsi ba fosa ditšhono tse dikgolo go fokotsa ditshenyegelo kgotsa go thibela ditatlhegelo tsa dijalo tse di kwa godimo ka gonne ba sa dira ka nako.
Go na le ditšhono di le dintsi tse di siameng tse di ka tlhagelelang mo pakeng ya paakanyo pele ga nako ya go jwala gammogo le go tswelela mo setlhakgolong.
Ela tlhoko dithekiso tse di kgethegileng tsa boleng jo bo siameng. Itirele dikelotlhoko mo setlheng sa kgolo go lekanyetsa boleng jwa tiragatso ya dikuno tse di dirisiwang mo polaseng ya gago. Se se tlaa go kgontsha go tsaya ditshwetso tse di siameng le go tlhopha kuno e e gaisang. Itlhomele dikgono tsa botlhodi. Tereilara e kgologolo e e beetsweng tlhotlhwa e e isegang, e e rekisiwang mo fantising ya selegae, e ka nna tšhono ya botshelo.
Se ke tšhono e gantsi e fosiwang ke bantshakuno. Mo makgating a le mantsi didiriso tsa metšhine tse di itlhokomolositsweng di tlhola tiego e e sa tlhokafaleng. Nako e e siameng ya go tlhokomela didiriso tsa gago ke fela mo bokhutlong jwa setlhajwalo sa gago. Fa didiriso di bolokwa morago ga go phepafadiwa sentle thata, le go sirelediwa kgatlhanong le jego, go tlaa tlhokega nako e nnye thata le ditshenyegelo tse di potlana go siamisa didiriso. Fa o siame mo letsatsing le le lolametseng maemo a go jwala, go tlaa go dira gore o ikutlwe o le mo taolong ya ditiro tsa gago.
Pula ya matlakadibe e le nngwe fela e ka tlhola tshenyo e e boitshegang mo masimong a dijalo. Gangwe fela fa mmugodimo o latlhegile, go batla go sa kgonege go o bona gape. Le mororo tshomarelo ya mmu e dira karolo ya lenaneotlhabololo la pakatelele la polase, bantshakuno ba tshwanetse ka dinako tsotlhe ba bo bo le malalaalaotswe go lemoga dikgaolo tse kgonagalo ya kgogolego e ka diragalang teng. Matlakadibe o o solofelwang mo polaseng ya gago ga a ka ke a bonelwa pele. Fa o lemoga lefelonyana le le bokoa mo konturung, le baakanye ka bonako jo bo kgonagalang. Seo e ka nna tšhono e e gaisang ya gago go thibela tshenyego mo mmung o o botlhokwa.
Mo taolomoferong e e nonofileng mo mmiding, sekao, go na le dibolayatlhatshana dingwe tse di siameng (dikuno tsa taolomofero ya sekhemikale). Tota fela le sona sebolayatlhatshana se se siameng se ka dira ka katlego fela fa maemo a se siametse. Ka jalo dirisa tšhono mo letsatsing le maemo a loapi a siameng mme e seng mo letsatsing le phefo e fokang kgotsa mo kemong e e mogote le e e omileng. Bogolo (size) jwa mofero le jona ke jwa botlhokwa thata go fitlhelela taolomofero e e atlegileng. Mo makgating a le mantsi, go botoka fa mefero e sa le mebotlana. Diketelo tsa masimo gangwe le gape, go ela tlhoko dikgatotswelelo tsa dijwalo mmogo le mefero, ke tsa botlhokwa thata. Se beele sepe ka moso! Laola mefero e sa le menana.
Ditshenekegi, jaaka sebokophetlhi sa mmidi, di ka tlhola tshenyo e e boitshegang mo mmiding le mabeleng. Tshenyo e ka dirwa mo pakeng e khutshwane thata. Dipalo tse di kwa godimo tsa dibokwana tsa ditshenekegi mo faneleng ya semela di ka laolwa ka botlalo ka dibolayasenyi dingwe. Fela le gale, fa dikgatotaolo di busediwa morago, mabaka a go retelelwa a siame thata. Lebaka ke gore, fa sejwalo se golela mo kgatong e e latelang kgotsa bogolo jwa sebokwana bo oketsega, sesala ke gore khemikale ga e nne le nonofo e e lekaneng. Tekolo ya dijwalo e e tletseng le ya gangwe le gape e tlaa thusa go tlhoma nako e e gaisang ya taolo ya disenyi e e atlegileng.
Dijwalo dingwe di tlhoka go rojwa sentle ka nako e e maleba. Mo lebakeng la matonkomane, ditatlhegelo tsa thobo kgotsa boleng jwa dithoro tse di sa tlhokafaleng di diragala fa thobo e ka dirwa pele kgotsa morago ga nako thata. Go swetsa ka letlha la thobo le le gaisang la dijwalo, montshakuno o tshwanetse go tseela tlhogong maemo a le mmalwa jaaka mmala wa peo, maemo a tlelaemete le tlhagelelo ya malwetse. Mo lebakeng la dinawa tsa soya, thanthanyego ya maungo e ka diragala mo tshimong jaaka dijwalo di butswa. Fa di ka robiwa morago thata montshakuno o ka itemogela ditatlhegelo tsa thobo tse di kwa godimo ka ntlha ya thanthanyego. O se ka wa bo wa fosa tšhono ya go bona thoro nngwe le nngwe ka nako ya thobo.
<fn>PulaImvula. MmeJane(maize).2011-04-07.tn.txt</fn>
Mme Jane a re...
Le mororo go tsewa matsapa a magolo go laola mofero, re bone gore mo setlheng se se metsi se se rileng seno bantshakuno ba bantsi ba kgaratlhile thata go laola mofero. Monongwaga o ntse sekao se se siameng go bontsha bantshakuno gore go dirisa taolomofero ya sekhemikale ke yone fela tsela! Mo makgating a le mantsi masimo a ne a kgobotlega gore bantshakuno ba ka tlhagola mo gare ga mela e bile mo makgating a le mantsi bantshakuno ba fentswe kgatlhanong le mefero.
Ke nako e e siameng go keleka masimo a gago gore o tle o lemoge mathata a o tla thulanang le ona ngwaga o o tlang. Mefero ga e a tshwanela go go tshoganyetsa - e ka nna mefero ya motlhogelaruri e e ka bong e ntse e le teng mo masimong mo ditlheng tse dintsi, kgotsa mefero ya ngwaga o o tlang e ka tswa mo peong ya mefero e e wetseng mo mmung mo setlheng seno.
Ga go ise go nne thari go dira pharologano mo masimong a gago.
Tlhaola mofero gore o kgone go itse mmaba le go kgona go tsaya matsapa go o laola.
O se letlelele ka gope semela sa mofero go dira peo, bontsi jwa mefero ya motlhogelaruri e ka ikatisa ka peo le dikutwana.
Laola mofero mo ntshokunong ya dijalo ya gale. Gakologelwa go batlisisa ka dibolayatlhatshana tse di kgonegang tse di ka dirisiwang go laola mofero.
O se letlelele mofero go gola ka phuthologo mo molelwaneng. Tlhase e e maswe e ka tswa teng fa le go anamela mo masimong.
Netefatsa gore paakanyo ya boalopeo jwa gago e siame, ga go a tshwanela go nna le mofero mo tshimong pele o jala. Se se tlaa fa dijalo sebaka go gola ntle le kgaisano.
Fa metlhogelaruri e le gona, akanya go dirisa mekgwa ya go-sa-lemeng gotlhelele, gore o tle o laole mefero sekhemikale.
Tlhagola masimo mo go leng mefero ya motlhogelaruri. Tshugommu e ama mefero maswe. (Bona ntlhana ya bosupa fa godimo, mo mabakeng mangwe, taolomofero ya sekhemikale e ka nna tlhopho e e botoka).
Tlhokomela gore o se anamise mefero semotšhine ka go rwalela dinokwana tsa medi, digwete le medithola mo masimong a phepa, ka didiriso tsa semotšhine. Lobelo lwa go fitlha kwa tshimong e nngwe lo ka dira gore batho ba itlhokomolose go phepafatsa didiriso.
Tshwaya dikgaolo tse mefero e e leng mo go tsona mo polaseng ya gago mo letlhabuleng gore o tle o gakologelwe go di laola sentle mo setlheng se se latelang.
Ka lesego ditlhotlhwa tsa dithoro tsotlhe di bonala di tlhatloga - ke solofela ka pelo yotlhe gore le wena o tla tswelela gore wena - montshakuno - o bone poelo morago ga thobo le go rekisa dijalo tsa gago. Gakologelwa gore temothuo ke go feta tsela ya botshelo fela - ke kgwebo mme o tlhoka go tsepamisa matsapa otlhe a gago mo go direng poelo gore o tle o nne montshakuno yo o itshegeleditseng.
<fn>PulaImvula. MmeJane(maize).2011-05-11.tn.txt</fn>
Mme Jane a re...
Gautshwane jaana bobegakgang bo bonala bo bega thata ka bosenyi le bonweenwee. Go diragalang ka batho ba rona, dikemo tsa rona le maitsholo a rona Gongwe re tshwanela go bua ka maitsholo?
Maitsholo a tiro a akaretsa molebo, boitshwaro, tlotlo, tlhaeletsano le tirisano - gore o tsamaisana jang le ba bangwe. Potso e e thata ke gore mo seemong se se siameng le go amogelesega ke eng kgatlhanong le gore ke eng se se phoso le se se gatelelang.
Mo dingwaganyaneng tse di fetileng go ntse le ditlamo le batho bangwe ba maitsholo a bona a tiro a neng a tlhobaetsa le go nna le kamego e e bosula mo bathong ba bangwe. Se se akaretsa go itlhaba ngololo fa ba bangwe ba dira sengwe se se sa amogeleseng.
Maitsholo a tiro jaaka boikanyego, go dira tiro sentle, go tlotla se motho o se dirang, go nna le boikaelelo jwa maitlhomo le go ikutlwa/ go nna karolo ya ponelopele kgotsa togamaano e e bophara, go botlhokwa. Ga re a tshwanela fela go batla go dira, mme re eletse go dira selo se se tshwanetseng. Maitsholo a tiro a tswa ka fa teng!
Mo temothuong go na le ditšhono tse dintsi tsa go bua maaka le go tsietsa. Akanya ka batho ba ba adimang madi ba bo ba sa a buse morago ga thobo; kgotsa batho ba ba jalang dijalo, ba di rorele kwa mmarakeng ba bo ba dira jaaka e kete ga ba a roba sepe; kgotsa ba ba adimang madi go jala palo e e rileng ya diheketara mme ba bo ba jala go feta (ka jalo ba sa dirise ditsenngwateng tsotlhe mo masimong jaaka go rulagantswe). Batho ba ba sa tlotleng konteraka tsa bona, batho ba ba dirang diipato tsa go re goreng ba sa dire ka natla, batho ba ba rekisang dilo tse e seng tsa bona le batho ba ba rekang dilo tse di utswilwengse ke lenaneo le le sa feleng.
Fa re batla go aga lephata la temothuo mo nageng ya rona re tshwanela go boela morago kwa dikgopolotheog tse di siameng tsa boikanyego, go dira ka natla, boikgapo le tlotlo. Mongwe le mongwe, go akaretsa le batho ba ba mo mafapheng a puso, o tshwanetse go dira tiro e e tshwanetseng ya letsatsi. E ke yona fela tsela e re tlaa atlegang ka yona fa e le gore re ya go feta tsela e dilo di dirwang ka yona - iphetole wena pele! Nna sekao, o ikanyege. A re boeleng kwa maemong ao re ka buang re sa ipelaele: lefoko la me ke tlotlo ya me!
<fn>PulaImvula. MmeJaneSays.2011-06-07.tn.txt</fn>
Mme Jane a re...
A boitumelo jo bo boitshegang go nna karolo ya phanele ya tlhatlhobo ya kgaisano ya Molemirui wa Ngwaga. Go tserwe matsapa a dingwaga go dira lenaneotlhabololo la rona mme go ne go jesa monate go kgona go bona dikemo tsa manontlhotlho tse di fitlheletsweng ke bantshakuno bangwe. Go tlhopha bafitlhelelamakgaolakgang ba bararo go ntse bokete jo bo boitshegang ka mongwe ke mongwe a ne a dirile go tlala seatla!
Le mororo go le gontlentle le go duela go bona tswelelopele ya bantshakuno bangwe, go sa ntse gape go utlwisa pelo botlhoko go lemoga gore batho bangwe tota ga ba dire tswelelopele epe. Ka bomadimabe re sa ntse re fitlhela bantshakuno ba ba sa direng dilo tsa motheo ka tshwanelo - paakanyommu, nontsho, tlhophopeo e e nepagetseng le taolomofero. Fa o sa dire dilo tsa motheo ka nepagalo ga o kitla o nna montshakuno wa mogwebi.
Gantsi batho ba go bolelela gore ga ba kgone go dira le go latela mekgwatiriso e e nepagetseng ka ntlha ya mabaka a le mmalwa - bangwe ba re ga ba na terekere, bangwe ba baya tshenyegelo ya go reka peo le monontsha molato, fa bangwe ba tshwaya puso phoso. Fa o batla go nna montshakuno yo o siameng, o tshwanetse go loga leano. Re bone dijalo dingwe tse di kgatlhisang tse di jetsweng ka letsogo - setshanyana se sennye sa lefatshe se ka ntsha dijalo tse di gaisang fa o ka baakanya mmu sentle, wa dirisa peo e e nepagetseng le monontsha le go laola mefero. Go botoka thata go jala kgaolo e nnye (e o ka e kgonang) le go dira sengwe le sengwe ka nepagalo, go na le go jala kgaolo e kgolo le go e dira manyanyabea ka ntlha ya lebaka lefe fela. Fela fa o setse o kgona go bereka kgaolo e nnye sentle, ke gona jaanong o ka atolosang kgaolo e o batlang go e bereka.
Re tshwanetse go gakologelwa gore lenaneotlhabololo le la Grain SA le tlamelwa ka matlole ke diterasete tsa dithoro (bogolosegolo Maize Trust) mme ba ba re tlamelang ka matlole ba rata go bona tswelelopele. Fa go se na tswelelopele e e bonalang mo masimong, re tlaa patelesega go tswala lenaneo le mo dikgaolong tseo. Ammaaruri e tla nna letsatsi le le botlhoko go ka emisa go ema bantshakuno nokeng - fela le gale se, se mo maruding a lona. Fa kemonokeng le katiso tse re di tlhagisang di le mosola mo go lona, lo tlaa tshwanela go diragatsa diphetogo tse di tlhokegang mo mekgwatirisong ya ntshokuno ya lona. Go bokete go nna montshakuno yo o atlegileng, fela moo go mo maruding a lona - re gona go lo naya katiso le kemonokeng yotlhe e re ka e kgonang, fela lo tshwanetse go fetola ditsela tsa lona.
<fn>PulaImvula. MmeJaneSays.2011-07-07.tn.txt</fn>
Mme Jane a re...
Mo go Pula mo dingwageng tse dintsi go fitlha jaanong re ntse re tsepamisitse kgopolo mo temothuong le ntshokuno fela, fa gongwe re lebala gore kwa ntle ga molemirui, go ne gotlhelele go ka se nne le ntshokuno le fa e le dijo kgotsa faeba (tlhale). A tota o itse gore o botlhokwa go le kana kang A o itse gore o fepa setšhaba?
Rotlhe re ikgatolosa go bua ka HIV le AIDS - jaaka e kete ke sekhutso sengwe sa ditšhaba tsa lefatshe. Ga re tsee ope o hutsegile fa a tshwere ke kgatelelo ya madi, kgotsa bolwetse jwa sukiri kgotsa kankere. Ke tumelo ya me e e tletseng gore re tshwanetse go tsaya HIV le Aids jalo. Mogare o o tlhasela thulaganyo ya tshouto (immune) ya gago le go bulela malwetse a mangwe go go bolaya. Dikgang tse di monate ke gore o ka tshela botshelo jo bo fetileng jo bo itekanetseng le fa e bile o na le HIV.
Re tshwanetse go dira eng?
Itlhatlhobele HIV gore o itse seemo sa gago. "Kitso ke maatla".
Fa o na le mogare wa HI, bona kalafi ko tleleniking. Se amogele tirelo epe e e bokoa kwa tleliniking efe kana efe mme o netefatse gore fa o tshwanelwa ke go amogela "anti - retro virals" (ARV) (go ya ka palelo ya cd 4 ya gago) o di amogela ka gale le go di nwa jaaka o laetswe. Gajaana ga go na kalafi ya HIV, fela e a laolega, mme o ka tshela botshelo jo bo tletseng jo boleele fa o e laola sentle.
Fa o tlhatlhobetswe HIV le go fitlhelwa e go tshwere, itlhatlhobele le TB. Fa tshouto ya gago e le kwa tlase ka ntlha ya HIV, o na le kgonagalo ya go tshwarwa ke TB. Ke TB e e go tlhokisang keletso ya dijo, e e go dirang gore o gotlhole, e e go dirang gore o latlhegelwe ke mmele. Netefatsa gore fa e le gore o na le TB o bona kalafi, gore otle o fole - TB e a alafesega!
Fa ka fa go le lengwe. O tlhatlhobetswe TB mme wa fitlhelwa e go tshwere gona itlhatlhobele HIV - go a kgonagala gore o ka bo o tshwerwe ke TB ka gore tshouto ya gago e le bokoa.
Ga go tlhokege gore mongwe a swe ka ntlha ya gore a na le mogare wa HI - o tshwanetse go itse seemo sa gago le go bona kalafi. Tsweetswee itlhatlhobe mme fa o na le mogare, bona kalafi. Re lo tlhoka lotlhe!
<fn>PulaImvula. MmeJaneSays.2011-09-27.tn.txt</fn>
Mme Jane a re...
Nako le nako re tlhoka go ema le go ipotsa gore re dira eng Mo go lekeng go bona karabo re tlhoka gape go bua gore ga re dire eng?
Ga re dirise borakonteraka ba basweu go lema masimo a bantsho.
Ga re direle batho temothuo.
Ga re leke go naya batho ditšhono tsa temothuo ba ba ntseng le ditšhono mo malobeng.
Ga re ikoketse marago ka matlapa.
Ga re leke go bona maduo a karata ya BEE mo go ba ba rekang dikuno tse.
Ga re leke go bona maduo a karata ya BEE mo go ba ba tlamelang ka ditsenngwateng.
Re dira eng?
Tlhabololo bantshakuno ba bantsho - bantshakuno ba bantsho ba ba ikemetseng, ba ba itshegeleditseng.
Katisa bantshakuno ba bantsho go tlhaloganya mabaka a gore ba dira eng, ba se direlang.
Go rotloetsa bantshakuno go dirisa metswedithuso ya tlhago ka botlalo.
Go bontsha bantshakuno ba bantsho gore ba ka tlhokomela lefatshe le ba le dirisang.
Go thusa batho ba ba se nang gona, go itirela lotseno, le go intshetsa dijo, morafe wa bona le setšhaba sa rona.
Go ntšhwafatsa sebopego sa temothuo - go tswa go madirelo a a mo thateng ya basweu go ya go le a a nang le kemedi ya ditlhopha tsotlhe tsa setso le semorafe.
Go thusa batho ba ba nang le lefatshe - lefatshe la morafe kgotsa lefatshe le le hirilweng, kgotsa lefatshe la motho (go le dirisa sentle ka boitshegeletso le poelo).
Leka go dirisana le mafapha otlhe a puso go gokaganya thuso e e newang bantshakuno.
Loga maano go fitlhelela dikabo go tswa kwa mafapheng.
Ke swaba thata fa gongwe fa ke utlwa gotwe batho ba "lemela" bantshakuno ba bantsho. Batho bangwe le mekgatlho mengwe, ba dirisetsa lefatshe la bantshakuno go iponela mesola, mme ba bo ba bitsa seo "tlhabololo ya montshakuno". Fa o le montshakuno wa mosweu o dirisa lefatshe le e leng la montshakuno wa montsho - le hire, le duelele le go amogela gore o hirile lefatshe le go itemela mo go lona. Tsweetswee, se itire yo o thusang bantshakuno.
<fn>PulaImvula. MmeJaneSays.tn.txt</fn>
Mme Jane a re...
Mo dikgannye fa gautshwane go builwe thata ka Mokgatlho wa Bašwa wa ANC o bua ka lefatshe (le ka dibanka le meepo) mme go a kgatlhisa go bona ka moo batho ba akanyang ka go farologana ka teng mabapi le ntlha e ya lefatshe.
Ke tsaya lefatshe jaaka motswedithuso o re ntshang dijo le faeba go tswa mo go ona. Dilo di le dintsi mo lefatsheng di oketsega ngwaga le ngwaga - batho, diphologolo tsa gae, dikoloi, jj. Fela lefatshe lona ga le oketsege - le lekanyeditswe. Fa o akanya gore go na le boidiidi jwa batho ka lefatshe le lennyennye le le ka ntshang dikuno (gonne re tshwanetse go gakologelwa gore batho ba dirisetsa sebaka magae a bona - ditoropokgolo di dirisa lefatshe go gola), re tshwanetse go netefatsa gore karolwana nngwe le nngwe ya lefatshe e dirisiwa ka botlalo.
Mo Aforikaborwa gompieno, re na le seemo se se matswakabele koo bogolo jwa lefatshe la temothuo le le humileng le dirisiwang ke bantshakuno ba bogwebi ba basweu. Jaanong go na le dipuo tsa go baamoga lefatshe kwa ntle ga tuelo le go le abela bantsho. Ka ntlha e nngwe go na le lefatshe le le boitshegang mo taolong ya merafe (mo taolong ya pusomerafe), mme bogolo jwa lona ga bo dirisiwe. Go sa ntse gape go na le diketekete tsa diheketara tse di abilweng sešwa go ya ka mananeo a Lefapha la Merero ya Lefatshe. A se ke ka ga mmala wa letlalo la motho Go ya ka nna, NNYAYA - go nna montshakuno yo o atlegileng wa mojelaganong, molemipotlana kgotsa wa mogwebi ga go tsamaelane ka gope le mmala wa letlalo la gago?
Re itse gore go nna montshakuno yo o atlegileng, o tlhoka kitso le bokgoni, metšhine, mebaraka le matlole a ditsenngwateng tsa ntshokuno. Go fa motho lefatshe Bonolo fela ga go mo dire montshakuno - fa o eme mo karatšheng, ga o koloi! Fa o na le lefatshe, ga o montshakuno. Fa o batla go bidiwa montshakuno, o tshwanetse wa bo o dirisa lefatshe la gago ka botlalo - o ntsha dikuno ka bontsi jo o ka bo kgonang.
Ke tshikinya gore re nee batho botlhe kemonokeng e ba e tlhokang mo lefatsheng le ba setseng ba na le lona, gore karolwana nngwe le nngwe ya lefatshe e ntshetse setšhaba sa rona dijo. Fa lefatshe le lotlhe le ntsha dikuno sentle, ke gona jaanong re ka nnang le go tshwenyega ka dintlha tse dingwe. Lefatshe le botlhokwatlhokwa thata, mme fa o na le lefatshe, o rwala maikarabelo a go le dirisa. Jaaka bantshakuno a re semeleleng mo ntshokunong e e tletseng mme re se itshwenye ka ditshwaelo tse di dirwang ke boradipolotiki ba ba itebeling ba le bosi.
<fn>PulaImvula. Moisture(wheat).2011-03-14.tn.txt</fn>
Dijalo tsotlhe di tlhoka metsi go gola, mme ntlha ya botlhokwa thata mo ntshokunong ya dithoro ya lefatshe le le omileng ke go nna teng ga bongola jo bo lekaneng ka nako ya kgolo ya sejalo sa korong sa gago.
Go tswa kgweding eno, kgatiso ya Pula/Imvula ya korong e tlaa romelwa babuisi botlhe mme e seng fela bantshakuno ba ba buang Sesotho ba kwa Foreisetata. Re tshwanetse ka jalo go gakologelwa gore Kapabophirima e na le tlelaemete ya Mediterranean, se se rayang gore ba amogela pula mo marigeng, se e leng setlha sa jalo ya korong. Botlhokwa jwa tshomarelo ya bongola jwa mmu mo bantshakunong ba korong mo Kapa bo batla bo se botlhokwa jaaka bo ntse mo nageng e e setseng ya Aforikaborwa, koo re tshwanelang go somarela pula ya selemo mo mmung e dimela di tlaa dirisang bongola jwa yona ka nako ya dikgwedi tsa komelelo tsa mariga.
Ntshokuno ya dijalo e batla bongola. Dijalo tse di farologaneng di na le ditlhokego tse di bongola tse di farologaneng tse di tshwanetseng go tsewa tsia pele go tsewa tshwetso ya gore go iwa go jala sejalo sefe. Bongola gape bo sa ntse bo tlhokelwa go rotloetsa kumaganyo ya masalela a sejalo se se fetileng le go oketsa diteng tsa humase mo mmung, ka jalo go dirwa dikotla tsa sejalo se se tlang.
O ka bo o ise o swetse gore a o ya go jala korong kgotsa nnyaya; tshwetso ya gago e tla bo e ikaegile ka go nna le poelo ga ntshokuno ya korong, gammogo le togamaano ya tirisolefatshe ya pakatelele ya gago. Bantshakuno ba bantsi ba tsere tshwetso go jala dijalo dingwe mo thefosanyong e e kgethegileng nngwe, go sa kgathalasege kwelotlase le godimo ya ditlhotlhwa mo pakeng e khutshwane. Go jala korong ngwaga le ngwaga go tlaa netefatsa gore o na le dijalo fa ngwaga o siame le gore o na le korong e o ka e rekisang fa tlhotlhwa e le kwa godimo (le mororo se se kgatlhanong le sona e le nnete - o tlaa nna le korong gape le mo dingwageng tse di maswe e bile gape o tlaa tshwanela go amogela ditlhotlhwa tse di kwa tlase fa di nna teng).
Go tlhokega gore o leke go netefatsa gore sejalo sa gago se nna le bongola jo bo lekaneng sentle mo mmung mo pakeng ya kgolo yotlhe ya sona. Mebu yotlhe e ka boloka metsi, le mororo e mengwe e tshwanetse botoka go gaisa e mengwe mo go bolokeng bongola jwa mmu. Mebu e e motlhaba thata ga e a siama thata go boloka metsi ka gore metsi a ka nwelelela botlhofo le go latlhega, kwa ntle ga gore go bo go na le llaga e e sa tsweleleleng (ya letlapa le mmopa) e e tlaa thibelang metsi go nyelela kwa tlasetlase. Mebu e e nang le dillaga tse di sa sutlhelegeng (sekao mmopa) mo botennye jo bo seng kwa tlase ga 600 mm go ya 1 m, e siametse sentle tshomarelo ya bongola jwa mmu le ntshokuno ya dijalo ngwaga le ngwaga. Mebu e mentsi kwa Foreisetatabotlhaba e tshwanela tlhaloso e, ke ka moo e tshwanelang ntshokuno ya korong ya mariga thata le mororo e le kgaolo ya pula ya selemo.
Kwa ntle ga gore o bo o lesego tota go nna le nosetso, o tlaa tshwanela go ikanya pula go tsenya bongola mo mmung. Boalogodimo jo bo tlhanyaolotsweng jwa mmu, bo tlaa kgontsha pula go nwelelela mo mmung. O tshwanetse wa bo o setse o lemogile gore metsi a feta bonolo jang mo mmung o o thata. Kobelo mo godimo ga mmu le yona e thusa mo nwelelong ya metsi mo mmung; e sa ntse gape e fokotsa titaagano ya marothodi le go letla nako e telele gore metsi a nwelelele.
Metsi a bolokwa mo go tse di magareng ga dikarolwana tsa mmu. Mebu e farologana go tswa go motlhaba go ya go serokwa go ya mmopeng mme mmu mongwe le mongwe o ka boloka selekano se se farologaneng sa metsi. Motlhaba, mmopa le serokwa, e ka boloka palogare ya 25 mm ya bongola ka 150 mm ya mmu. (Mo mmung wa botengmedi jo bo feleletseng jwa 1 m, go kgonega go boloka 180 mm ya pula). Selekanyo sa bongola jo bo ka bolokwang mo mmung bo ikaegile ka mofuta wa mmu, seemo sa sebopego sa mmu le temego le botengmmu.
Bongola jwa mmu bo ka latlhega go tswa mo mmung ka ntlha ya phasalalo ya marang a letsatsi. Boalogodimo jwa mmu bo a gotela mme se se oketsa mowafalo, tiro ya khapilari mo mmung (se ke motsamao wa bongola jwa mmu magareng ga dikarolwana tsa mmu), go ya boalogodimong jwa mmu koo a mowafalediwang mo lefaufaung, mme le ka ntlha ya phufulelo ya mefero le dimela dingwe le dingwe tse di kaiwang e le mofero mo tshimong. (Se ke sengwe sa dibako tse dikgolo tsa tatlhegelo ya bongola jwa mmu).
Re ka boloka bongola botoka jang?
Netefatsa gore pula e e nelang mo mmung e tsenelela mo mmung, le go tshola boalogodimo bo le mo maemong a a eletsegang. Legogo la boalogodimo le dira sethibedi se se thata mme dipula tse di latelang di taboge fela fa godimo go na le go tsenelela mo porofaeleng ya mmu.
Tlogela masalela a dijalo tse di fetileng ka bontsi jo bo kgonegang gore o tle o kgone go fokotsa titiagano ya marothodi a pula mo boalogodimong jwa mmu, mme ka jalo wa fokotsa tlhamego ya legogo. Go tshwanetse go gakologelwa gore go ya fela ka tshugego ya masalela, sejalo se ka tlhoka tlaleletso ya monontsha ya naeterojene ka ntlha ya kgololo e e bonya ya dikotla tse di salang mo masaleleng a dijalo.
Morago ga dipula tse di bokete, thuba legogo le le ka bong le tlhamegile mo godimo ga mmu. Legogo ga le thibele fela tsenelelo ya dipula tse di latelang mme gape le rotloetsa tiro ya khaphilari e e omisang mmu.
Tshola masimo a se na mofero paka yotlhe ya go tswa thobong ya dijalo tse di fetileng go fitlha dijalo tse di latelang.
Popo ya kobelo ya lorole mo godimo ga boalogodimo jwa mmu e dira jaaka sethibedi sa tiro ya khaphilari e e tlholang go tsamaya ga bongola go tswa mo porofaeleng ya mmu go tsena mo lefaufaung.
Kobelo e ka nna ya masalela a dijalo (go bua ka kakaretso) kgotsa ya lorole e e tshwanelang go tsholwa e siame mo pakeng yotlhe ya bogola (fallow) ka tshugo ya semotšhine ya mmu.
Dielemente dingwe tsa ntshokuno ya dijalo di botlhokwa mo go maswe mo go boneng katlego. O tshwanetse go boloka bongola ka bontsi jo o ka bo kgonang mme gape o tshwanetse go tshola masimo a gago a se na mofero ka dinako tsotlhe.
<fn>PulaImvula. MoistureMaize.2010-02.tn.txt</fn>
Ntlha ya botlhokwa thata mo ntshokunong ya dithoro mo lefatsheng le le omileng ke go nna teng ga bongola jo bo lekaneng mo kgolong ya sejalo se se rileng.
Tshedimosetso ke selekanyo sa pula gammogo le gore e ka solofelwa leng, malebana le kgaolo nngwe le nngwe ya Aforikaborwa e e teng. (botsa Lefapha la Temothuo la selegae). Se se ka dirisiwa fela jaaka kaedi mo thulaganyetsong ya ntshokuno ya dijalo.
Go reng re tshwanetse go somarela bongola mo mmung?
Ntshokuno ya dijalo e tlhoka bongola - dijalo tse di farologaneng di na le ditlhokego tse di farologaneng tsa bongola, se se tshwanetseng go tsewa tsia pele go tsewa tshwetso ka ga sejalo se se tlang go jalwa.
Go na ga pula ga tlhago ga go diragale tota ka nepo ka nako e e tlhokegang ya sejalo se se rileng sengwe le sengwe.
Ka kakaretso, dikgaolo tsa ntshodikuno ya dijalo mo Aforikaborwa di na le tlelaemete e e kgwatata.
Go tlhokega thata go netefatsa gore go na le bongola jo bo lekaneng ka nako ya go jala e e kwa setlhoeng go letla go mela le tlhamego ya medi go sa le gale. Nako ya jalo e e kwa setlhoeng e tlaa tsaya tsia ditlhokego tsa semela tsa bongola ka nako ya dikgato tse di masisi tsa go gola, mabapi le dipula tsa ngwaga le ngwaga tse di solofetsweng go na mo setlheng seo (sekao, go rulaganyetsa gore nako ya go ntsha lofetlho ga mmidi kgotsa go thunya ga sonobolomo, e nne paka ya go na thata ga pula).
Go rotloetsa go sugelelwa ga masalela a dijalo tsa ngogola le go oketsa diteng tsa humase mo mmung ka jalo o tlamela dijalo ka dikotla mo mmung.
A mebu yotlhe e ka boloka metsi?
Ee, le mororo mebu e e motlhaba thata mo llageng e e marose e tlogela metsi a mantsi go minyega.
Mebu ya dillaga tse di seng marose (sekao, e e mmopa) kwa botennye jo bo seng kwa tlase ga 600 mm go ya mmitareng o le mongwe, ke yona tota e tshwanetseng tshomarelo ya bongola mo mmung le ntshokuno ya dijalo ka ngwaga le ngwaga.
Re bebofatsa monyelo ya metsi a pula botoka jang mo mmung?
Kobelo mo godimo ga mmu.
Bongola bo bolokwa jang mo mmung?
Metsi a bolokwa mo diphatlheng tse di fa gare ga dikarolwana tsa mmu.
Mebu e farologana go tswa go motlhaba, serokwa go ya go mmopa.
Mofuta mongwe le mongwe wa mmu o ka boloka selekanyo se se farologaneng sa metsi.
Motlhaba, mmopa le serokwa ka palogare di ka boloka bongola jwa 25 mm ka 150 mm ya mmu. (Mo mmung wa botengmedi jo bo nonofileng jwa mmitara e ole mongwe, go kgonega go boloka 180 mm ya pula).
Ke eng se se tlholang bongola go latlhega go tswa mo mmung?
Phasalalo go tswa letsatsing. Boalogodimo jwa mmu bo a gotela mme se se oketse mowafalo.
Tiro ya tsamaosetshikana mo mmung. Se ke motsamao wa bongola jwa mmu mo gare ga dikarolwana tsa mmu, go ya boalogodimong jwa mmu koo bo tlaa mowafadiwang go tsena mo loaping.
Phufulelo ka mefero kgotsa semela sefe kgotsa sefe se se ka kaiwang mofero mo tshimong. (Se ke nngwe ya dibako tse dikgolo tsa tatlhegelo ya bongola jwa mmu).
Re ka somarela bongola botoka jang?
Go netefatsa gore pula e e nelang mo mmung e ka nwelelela mo mmung, ka jalo re tshola boalogodimo bo le mo maemong a a eletsegang. Logôgô mo boalogodimong jwa mmu lo dira sekgoreletsi se se popota mme go ya pele metsi a pula a taboga fela fa godimo ga mmu mo boemong jwa go nwelelela mo porofaeleng ya mmu.
Leka ka bojotlhe go boloka masalela a dijalo tsa ngogola gore o fokotse kutlwalo ya tlhamalalo ya marothodi a pula mo boalogodimong jwa mmu ka jalo o nyenyefatse tlhamego ya logôgô. Go tshwanetse go gakologelwe gore go ya fela ka tshugo ya dirite, sejalo se ka tlhoka menontsha ya senaeterojene ya tlaleletso ka ntlha ya kgololo e e bonya ya dikotla tse di sa ntseng di le mo masaleleng a dijalo.
Morago ga dipula tse di bokete, thuba logôgô lo lo ka bong lo tlhamegile mo godimo ga mmu. Logôgô ga lo thibele fela nwelelelo ya pula ya tlaleletso, mme gape lo rotloetsa tiro ya tsamaosetshikana, e e omisang mmu.
Tshola masimo a gago a se na mofero paka yotlhe go tswa thobong ya dijalo tse di fetileng go ya jalong ya sejalo se se latelang.
Tlhamego ya "kobelo ya lorole" (dust mulch) mo boalogodimong jwa mmu e dira e le sekgoreletsi sa tiro ya tsamaosetshikana e e dirang gore bongola bo tsamae go tswa mo porofaeleng ya mmu go tsena mo lefaufaung. Le mororo kobelo e monyela phasalalo ya mogote go tswa letsatsing, mowafalo e sa ntse e diragala, mme ka kelo e e kwa tlasenyana go tswa ka 5cm e e fa godimo ya kobelo ya mmu o o omileng ("kobelo ya lorole").
Kobelo e ka nna masalela a dijalo (go bua ka kakaretso) kgotsa "kobelo ya lorole" e e tshwanetseng go tsholwa jalo mo nakong yotlhe go ise go lengwe ka tshugommu ya semotšhine ya mmu.
Mo magareng ga dipula, go botlhokwa go tsweletsa "kobelo ya lorole" go somarela selekanyo sa metsi se se kwa godimo go tsamaya le porofaele ya mmu yotlhe.
<fn>PulaImvula. Money.2008-01.tn.txt</fn>
Byline: Tshedimosetso e tswa mo kaeding ya Grain SA: Ntshodikuno le thekiso ya mmidi.
Ka kakaretso go tshwanetse go gakologelwe gore temothuo e dirwa go ikaeletswe go dira poelo. Go tlhokega madi a mantr go jala mmidi mme tlhomoditshenyegelo mabapi le ntshodikuno ya mmidi ke nngwe ya dintlha tsa botlhokwa mo tsamaisong ya temodithoro.
Go botlhokwa go kgaoganya ditshenyegelo ka ditlhopha tse di farologaneng di le pedi - ditshenyegelo tsa ka tlhamalalo kgotsa dithenyegelo tse di tlhomameng.
Tse ke ditshenyegelo tse di amanang le tsamaiso ya tiro ya polase yotlhe - ke ditshenyegelo tse di ka se keng ka tlhamalalo tsa amanngwa le jalo ya sejalo se se kgethegileng. Gale ditshenyegelo tse di a tswelela go sa kgathalesege gore ke nako efe ya ngwaga kgotsa setlha. Ditshenyegelo tse di akaretsa dituelelo tsa palotlotlo, dituelelo sa banka, dituelo le meputso, dikgogo, metlakase, dilaesense le makgetho, dipaakanyo le tlamelo, merokotso mo dikadimong, ditshenyegelo tsa dipalamo, dikwalelo, jalo le jalo. Ditshenyegelo tse di ka farologana go tswa molemiruing go ya molemiruing, go ya fela ka: bogolo jwa polase, bokete jwa molato le tsela le tshenyegelo ya tsamaiso.
Tse ke ditshenyegelo tse di ka amanngwang ka tlhamalalo le sejalo se se jetsweng. Ditshenyegelo tse di akaretsa dilwana di tshwana le disele, monontsha, peo, dikhemikale, thobo, thekiso le badiri ba nakwana. Mo mabakeng a le mantr, ditshenyegelo tse di a tshwana ka heketara go sa kgathalesege gore ke mofuta ofe wa temo le thobo e e kgonegang ya sejalo se se jalwang.
Go botlhokwa thata gore togamaano ya matlole e e siameng e bo e dirilwe pele go ka jalwa sejalo sepe fela. Go botoka thata go baakanya le go jala kgaolo e nnye sentle gore o tle o nne le sebaka se se botoka sa go nna le dijalo. Go na le ditshenyegelo tse gantsi di sa akanngweng fa go rulaganngwa jalo ya sejalo - fa tlase go latela sekao sa mefuta ya tshugommu e e ka tlhokegang ka nako ya tirego ya ntshodikuno ya dijalo.
Thoro ya dithoro ka dipalangwa.
<fn>PulaImvula. Money.2010-04-01.tn.txt</fn>
Shakespeare o kile a re: "Le fa e ka nna moadingwa tota le ena moadimi, gantsi kadimo e a itatlhegela mmogo le ditsala". Se ammaruri ke kgakololo e e siameng e motho a se kitlang a e lebala ka gope. Fela le gale, fa o le montshakuno gompieno, o ka iphitlhela o patelesega go adima madi go tsena mo ntshokunong.
Tota go reng bantshakuno ba tlhoka go adima madi?
Le fa o ka tswa o na le lefatshe kgotsa le se yo, kgotsa o na le fela mofuta mongwe wa thuolefatshe, temothuo ke kgwebo mme o tlaa tlhoka madi gore o kgone go tsamaisa kgwebo ya gago. Gape ga go kgathalesege gore o fitlheletse jang lefatshe. O ka tswa o le moamogedi wa pusetsolefatshe, kgotsa kabosešwa ya moamogedi wa pusetsolefatshe, kgotsa o ka bo o rekile lefatshe o dirisitse madi a gago a o a boneng go tswa dikgwebong tse dingwe - o ya go tlhoka madi go dira temothuo.
Lefatshe le tlhotlhwagodimo, e bile gantsi batho ba ipotsa gore ba tlaa bona kae madi go reka lefatshe. Ka bomadimabe, lefatshe ke karolo fela ya kgwebo e. Fa o tshwanela go dira temothuo ka loruo, o tlhoka go reka loruo (e ka nna dikgomo, dinku, dipodi, dikolobe kgotsa dikoko). Fa o batla go nna montshakuno wa dijalo kgotsa merogo, o tlaa tshwanela go reka diterekere le didiriso gore o kgone go lema mmu. Se ga e ise e nne bokhutlo, ka gore o sa ntse o tlaa tlhoka madi go reka ditsenngwateng tsa ntshokuno (peo, monontsha, dikhemikale, disele, j.j). ga se motlholo go beeletsa madi a mantsi mo ditsenngwatennye le metšhine go na le lefatshe.
Tumelano ya kgwebisano ke eng?
Go adima madi ke kgwebo - mongwe o dirile madi, a o batlang go a beeletsa le go bona poelo mo khepetleleng. Ka mafoko a mangwe, motho yo madi e leng a gagwe o batla go netefatsa gore ga a ne a latlhegelwa ke madi le gore morago ga paka ya kadimo, ba tlaa boelwa ke madi a a fetang a ba a adimisitseng. Se ke fela go tsaya "resiki". Fa bothata jwa go latlhegelwa ke madi bo le kwa godimo thata o ya go duela tlhotlhwa e e kwa godimo thata go adima madi ao, kgotsa o tlaa duela morokotso o o kwa godimo mo mading ao.
Mo makgetlong a le mantsi, fa o adima madi o tlhoka go neelana ka tshireletso ya mofuta mongwe mo kadimong. Se ke gore fa o ka palelwa ke go duela kadimo, moadimi a kgone go rekisa selwana seo, se o se neetseng jaaka tshireletso go boelwa ke madi a gagwe.
Mo malobeng , batho ba ne ba adima madi mo setheong sengwe mme e re fa ba palelwa ke go duela kadimo eo, ba ye gape kwa setheong se sengwe go adima madi koo. Batho ba ne ba sa patelediwe go bega dišuga (dikoloto) tsotlhe tse ba nang natso. Molao wa Bosetšhaba wa Tseisomolato o fetotse sebopego seo, mme setheo sa kadimiso se ka bonwa molato wa "kadimiso e e botlhaswa" fa ba adimile mongwe madi yo o ka se kgoneng go busa kadimo. Go na le sefala sa deitha ya dikadimo tsotlhe, mme le fa montshakuno a sa bege melato ya gagwe yotlhe (se tota a tshwanetseng go se dira), setheo sa kadimiso se ka bona tshedimosetso ka montshakuno, mme sa gana kopo ya kadimo e ntšhwa.
Gangwe le gape bantshakuno ga ba itumele fa dikopo tsa dikadimo tsa bona di ganwa, fela le gale, fa o sa kgone go busa dikadimo, kwa bofelong o tlaa goelediwa jaaka yo o jelweng (tšhonneng) mme go tlaa latela dilo di le pedi tse di maswe. Setheo sa kadimo se tlaa latlhegelwa ke madi, mme wena o nne le rekoto e e maswe ya tseisomolato, se se ka go thibelelang gotlhelele go adima madi mo isagweng. Go tota go le botlhokwa thata go lemoga gore madi mangwe le mangwe a a adimilweng a a busiwa - dikadimo ke dikadimo mme e seng dimpho kgotsa dikabelo.
Go reng bantshakunothoro ba bašwa ba kgaratlha go bona dikadimo?
Batho ba ba go adimileng madi ba tlhoka go itse gore kwa bokhutlong jwa paka o tlaa nna le madi go busa kadimo. Fa re ka tsaya temothoro jaaka sekao, go jala sejalo sa korong, o tlaa tlhoka go beeletsa bokana ka R5 000 ka heketara. Ka tlhotlhwa ya gajaana ya korong (mo setlheng se se tswang go feta se, bantshakuno ba paletswe ke go fitlhelela R2 000 ka heketara), o tlaa tlhoka go bona thobo ya ditono tse 2,5 ka heketara gore o kgone fela go tshela. Gakologelwa gore palogare ya thobo ya pakatelele e kwa tlase ga ditono tse 2 ka heketara mo dikgaolong di le dintsi. Fa montshakuno a batla go adima madi go lema korong, moadimi o tlaa sekaseka thobo ya pakatelele, tlhotlhwa e e solofetsweng ya korong le ditshenyegelo tsa go ntsha sejalo. Ka e nako, ga go ope yo o ikaelelang go adima bantshakuno go lema korong - mme lebaka le utlwala sentle. Ntshokuno ya korong ga e busetse sepe.
Madirelo a korong gajaana a mo tlapukeng, fela gape go tshwanetswe go gakologelwe gore ka kakaretso fela poelo mo ntshokunong ya dithoro e mo kgatelelong, e e boitshegang. Go batla go nna le lefetiso mo kunong nngwe le nngwe, se se tlholang ditlhotlhwa di le kwa tlase, ntswa ditshenyegelo tsa ntshokuno di le kwa godimo mo go maswe. Tiragatso yotlhe fela ga e na poelo. Mo mabakeng a a ntseng jalo setheo sa kadimo ga se mafolofolo go ka adimisa madi gonne moadingwa a ka se kgone go naya moadimi poelo e e bonalang mo peeletsong ya khepetlele ya gagwe.
Fa o simolola kgwebo kgotsa boiphediso jo bošwa, o tlhaela maitemogelo mme go a kgonagala gore o dire diphoso. Gantsi go ntse jalo le ka bantshakuno ba ba tlhabologang - ga ba na maitemogelo a dingwaga tse dintsi le e seng yona rekoto e e netefaditsweng. Se se dira gore go adima madi go nne bokete e le ruri!
Jaaka go setse go umakilwe, moadimi o batla go itse gore fa o sa kgone go busa kadimo o tlaa kgona go rekisa dithoto tsa gago go busa madi a gagwe. Mo makgating a mantsi, montshakuno ga a kgone go neelana ka lefatshe e le sesireletsamolato (se e leng tlwaelo mo karolong ya bogwebi). Bontsi jwa bantshakuno ga se beng ba lefatshe (jaaka go ntse mo lefatsheng la morafe le le le hirilweng), gongwe montshakuno o ka tswa a na le bonto ya ntlha e e kwadisitsweng mo lefatsheng go bona theko ya lefatshe leo. Fa montshakuno a sa kgone go neelana ka tshireletsomolato, moadimi o ka nna a gana go adimisa ka madi, gonne a boifa gore o ka latlhegelwa ke peeletso ya gagwe.
Bantshakuno ba sikologa jang lebaka la gore gale go tlhokega gore ba neelane ka tshireletsomolato go ka bona tseisomolato ya ntshokuno?
Peeletso e e tlhokegang go jala sejalo e tsamaela R4 500 ka heketara. (Palogare ya tshenyegelo fela go tlhalosa puisano e). Fa montshakuno a tshwanela go lema diheketara tse 100, o tlaa tlhoka go adima R450 000. Se ke madi a a boitshegang e le ruri.
Fa go tsewa gore montshakuno o mo lefatsheng le le siameng, mo kgaolong ya pula e e kwa godimo, koo thobo e e akanyediwang e leng kwa godimo, le foo ditlhotlhwa tsa dijalo di kgontshang go ka dira poelo mo sejalong seo, montshakuno o ka ya go buisana le Land Bank kgotsa dibanka tsa kgwebo, kgotsa dikgwebo tsa temothuo kgotsa koporasi, go ka bona kadimo ya ntshokuno.
Re tsaya gape gore montshakuno ga a kgone go neelana ka lefatshe la gagwe e le sesireletsomolato sa kadimo, mme o tshwanela go tla ka sesireletsamolato sa mofuta mongwe. Fa ke teng fa inšorense ya ditsenngwateng e tsenang teng. Inšorense ya ditsenngwateng e diretswe go akaretsa "ditiro tsa tlholego (Modimo)" mme e seng mekgwatiriso ya temo e e bokoa. Ka mafoko a mangwe, montshakuno o tshwanetse go dira ka fa mekgwatirisong ya ntshokuno e e siameng, mme a nne le palogare ya thobo ya pakatelele e e amogelesegang gore a kgone go letlega go bona inšorense e. Setlamo sa inšorense se baya tswelelopele ya montshakuno leitlho go tloga fela kwa tshimologong, mme ba ka nna ba gana go sireletsa dijalo mo kgatong efe kampo efe - ba sekaseka mofuta le boteng jwa mmu, ditshekatsheko tsa dikaommu, tirego ya jalo, tlhopho ya mofutapeo, nontsho, pego ya tlhogô, taolo ya mofero le disenyi, mme kwa ntle ga gore tsotlhe tse di dirilwe go ya ka ditlhokegotaelo tsa bona, batla gana go inšora dijalo.
"Ditiro tsa tlholego" tse montshakuno a sireleditsweng kgatlhananong natso, fa inšorense e amogetswe, di ka tsenyeletsa komelelo, serame, merwalela, sefako le molelo. Gakologelwa, ga ba sireletse mekgwa ya temo e e bokoa. Fa o ka nna le tatlhegelo ya dijalo ka ntlha ya phoso ya gago, ga o ne o sirelediwa.
Fa o amogetswe mo inšorenseng ya ditsenngwateng gona setlamo se go netefaletsa ditono tse di rileng kgotsa lotseno (go na le dipholisi tse di farologaneng tse di dirang ka go farologana go le gonnye). Fela le gale, inšorense e akaretsa fela 60 - 65 % ya boleng jo bo sireleditsweng. A re re, sekao, palogare ya thobo ya pakatelele ya gago mo kgaolong ke ditono tse 4 ka heketara tsa mmidi, o o ka jang R1 500 ka tono, (ke sona boleng jo bo sirelediwang e leng R6000 ka heketara), inšorense e tlaa netefatsa fela 60% ya boleng joo, e leng R3 600 ka heketara. Jaanong o tlaa gakologelwa gore re rile ditshenyegelo tsa ntshokuno di tsamaela R4 500 ka heketara. Ka mafoko a mangwe o tlaa bo o inšoretswe kwa tlase ga ditshenyegelo tsa ntshokuno. Fa o ne o le setheo sa kadimiso, o ne o se kitla o batla go adima montshakuno madi, o itse sentle gore fa go tshokile go ka nna le tiro ya tlholego, montshakuno ga a ne a kgona go busa kadimo - le mororo a na le inšorense ya ditsenngwateng. Go tshwanetse go gakologelwe gape gore inšorense ya ditsenngwateng e turu, - mo ngwageng o o fetileng bantshakuno ba ba tlhabologang kwa Foreisetatabotlhaba ba ba neng ba jetse korong, ba ne ba tshwanela go duelela inšorense ya ditsenngwateng tsa bona go feta R850 ka heketara.
Ke ditheo tsa kadimiso dife tse bantshakuno ba bantšhwa ba ka di fitlhelelang tsa dijalo/loruo lo lo farologaneng?
Jaaka go itshupa mo puisanong e e fa godimo, go adimisana ka madi go na le mathata, mme go na le dintlha di le dintsi tse di tlhokang go tsewa tsia pele go kopiwa kadimo. Go na le ditheo tse di ka adimisang madi, fela fa di netefalediwa gore di tlaa busediwa madi. Go a kgonega mo bantshakunong go dira dikopo tsa dikadimo tsa ntshokuno go tswa kwa Land Bank, dikgwebo tsa temothuo (Senwes, OVK, NWK, MGK, GWK), dikoporasi tsa temothuo (VKB), dibanka tsa kgwebo, ditheo tsa tlhabololo (Koporasitlhabololo ya Temothuo ya Mpumalanga - (MADC), Banka ya Uvimba kwa Kapabotlhab, j.j Setheo sa kadimiso ga se patelesege go adima madi - tsotlhe di na le matshwaotlhopho le dipholisi tsa tsona tsa kadimiso. O ka buisana le mekgatlho e mme wa tlhotlhomisa ka ditlhokego tsa yona.
Go diragalang fa bantshakuno ba na le molato o o saletseng?
Mo dingwageng tse di fetileng, ka poelo ya temothuo e le mo kgatelelong, go ne go diragala gore bantshakuno ba dire ngwaga otlhe, ba ntshe dijalo tse ba di rekisang, mme kwa bokhutlong jwa setlha ga ba a kgobokanya madi a a lekaneng go duela kadimo ya bona ya ntshokuno. Se ke maemo a a kgobang marapo ka gore montshakuno o tlaa bo a diretse lesidi ngwaga otlhe, mme gongwe ga a ne a nna le gona go jala sejalo se se latelang. Le mororo go jala sejalo se se latelang e ka nna gona fela tsela ya go duela molato o o kwa morago, ditheo tsa kadimiso di tshwanetse go ela tlhoko, e se re gongwe tsa pegwa molato wa kadimo e e botlhaswa.
Ke kgakololo efe e re ka e nayang bantshakuno ka ga go adima madi?
Netefatsa gore o dira sengwe le sengwe ka nako e e siameng - o se emisetse sepe metsotso ya dikgobalo.
Jaaka o le montshakuno, o mosola thata mo go Aforikaborwa - ipele ka gore bantshakuno ba fepa le go apesa lefatshe!
<fn>PulaImvula. Mpumalanga.2008-03.tn.txt</fn>
Setshwantsho se taka mafoko a a sekete...
Photo 1: Setsha sa tekelelo kwa Malekutu.
Photo 2: Tshimo e e bapileng le setsha sa tekelelo kwa Malekutu.
Photo 3: Setsha sa tekelelo kwa Mbuzini.
Photo 4: Ishupetso ya tekelelo kwa Matibidi.
Photo 5: Masimo a poraefete mo kgaolong ya setsha sa tekelelo kwa Matibidi.
Photo 6: Masimo a peraefete mo kgaolong ya setsha sa tekelelo kwa Matibidi.
Photo 7: Rre Jerry Mthombothi, mogokaganyitlhabololo wa porofense: Mpumalanga, kwa tekelelong kwa Bronkhorspruit.
Photo 8: Rre Jerry Mthombothi (molemeng) le Rre Boy Mokoena (molemi) kwa tekelelong kwa Bronkhorspruit.
Photo 9: Setsha sa tekelelo kwa Dundonand.
Photo 10: Sersha sa tekelelo kwa Dundonald.
Nngwe ya diporojeke tsa rona mo Lenaneotlhabololong la Balemirui, e e tlamelwang ka matlole ke Maize Trust, e jala le go tsweletsa ditshupetso tsa tekelelo mo dikgaolong tse di farologaneng. Maitlhomo a ditekelelo tse ke go bontsha "Mokgwatiriso o o botokatoka" mme re dirisetsa ditsha tse mangwe a malatsi a balemirui a a tshwarwang mo ngwageng otthe.
Setshwantsho sa 1 ke setsha sa tekelelo kwa Malekutu, dikilometara di ka nna 30 bokonebotlhaba jwa Nelspruit. Setshwantso 2 ke tslumo mabapi le setsha sa tekelelo.
Go na le dintlhapuisano di le dintsi mabapi le ditshwantsho tse pedi mme pharologano mo dithobong tse di tlaa robiwang magareng dijalo tse e tlaa bo e le ka nttha ya tse di latelang.
PH ya mmu: go tshetswe llaemo mo tekelelong.
Monontsha o o tshetsweng: go tserwe dikaommu tse go thailweng tshelo ya Uaeme le monontsha mo go yona - ela tlhoko pharologano ya mmala magareng ga masimo a mabedi a.
Methale ya peo: tekelelo e jetswe ka peo ya maidi fa e nngwe e le peo ya mong e e bolokilweng go thobong e e fetileng.
Letlhajalo: tekelelo e jetswe mo go Ngwanaitseele 2007 fa e nngwe le ka Sedimonthole 2007.
Palopalo ya dimela le katologano mo moleng: le mororo go sa kgonege go bona katologana mo setshwantshong sa tekelelo, katologano mo mmiding o mongwe se sukagane thata.
Setshwantsho 3 ke kwa setsheng sa tekelelo kwa Mbuzini, 150 km kwa borwabotthaba jwa Nelspruit, go ya ntlheng ya Swaziland. Mmidi fa o bonala o le montle thata - bogolosego fa o tshwanngwa le le dijalo tse di lemilweng balemi ba tikologo e e. Botlhokwa jwa tseosekao ya mmu, pH ya mmu, nontsho, palopalo ya dimela, tthopho ya mofutapeo, le taolo ya mofero le ya disenyi, tsotlhe ke ditlhogo tsa puisano mo kgaolong e.
Ditshwantsho 4, 5 le 6, di tserwe kwa Matibidi (bokone jwa Graskop). Kguolo e ke ya morafe koo bogolo jwa tiro bo dirwang ke basadi ka mabogo (Jerry Mthobothi, mogokaganyitlhabololo wa porofense wa Mpumalanga, a e se se batla e le tshotlako ya basadi). Setshwantsho 4, sa batho mo tshimong ba tshotse dikhukhu, se tserwe mo tshupetsong ya tekelelo, fa e le gore ditshwantsho 5 le 6 ke a masimo a poraefe mo kgadong.
Balemi mo kgaolong e ba ne ba abelwa diterekere le dimatšhine ke Lefapha la Temothuo la mpumalanga le fa bontsi jwa tiro bo sa ntse bo dirwa ka diatla - go na le mathata a magolo mabapi le kabelo ya setlhopha ya didiriso e e tlaa tlhokang kelotlhoko e e tona thata fa go tshwanelwa go dirisa peeletso e ka botswapelo. Gale go a kgonega go abelana tiriso ya didiriso tsa temothuo le diterekere, fela bothata jo bo bokete go rarabololwa ke dipaakanyo le tlamelo - tota ke mang yo rwalang maikarabelo ao?
Ditshwantsho 7 le 8 ke tsa ga rre Jerry Mthombothi, (ka fa molemeng) mogakaganyi wa tlhabololo wa porafense. Mpumalanga le Rre Boy Mokoena (molemi) kwa tekelelong kwa Bronkhorspruit. Mmidi wa teng o montle le e bile setlha se bongola thata se dirile taolomofero bokete.
Rre Mokoena o ne a le mongwe wa bagaisani ba Kgaisano ya Molemi wa Ngwaga, 2007 - ga re ne re mmona ka Seetebosigo, 2007, o ne feditse mogopolo go tlogela terno ka ntlha ya leuba. Monongwaga o jetse 400 ha ya mmidi jaaka go bontshiwang mo ditshwantshong tse di tsamaelanang le se.
Go na le balemi ba bantsi mo kgaolong e ba ba setseng ba le balemi ba kgwebo - taolomofero ke bongwe bo le bosi jwa mathata jo bo setseng go ka rarabololwa. Tsepamisomogopolo e e kgethegileng ya rona mo setlheng se se tlang e tlaa nna taolomofero ka dikhemikale.
Ditshwantsho 9 le 10 ke tsa tekelelo kwa Dundonald, botlhaba go ya Swalsing go tswa Badplaas. Setshwantsho 9, se bontsha dipholo tsa tsamaiso e e siameng e bile pharologano magareng ga tekelo le le tshimo e nngwe mo setshwantshong 10 e bonala sentle.
Mathata mo kgaolong e, fela jaaka mo mabakeng a mantsi, a akaretsa tseosekao ya mmu, matlha a jalo, dipalopalo tsa dimela, montsho le taolomofero. Balemi mo kgaolong e ka kakaretso ba jala ditokana tsa masimo mo lefatsheng la morafe.
Rre neela rre Jerry Mthombothi kola ya tshephe ka boleng jwa ditshupetso tsa ditekelelo mme re solofetse go ithuta go le gontsi ka nako ya malatsi a balemirri a a rulagantsweng mo dikgweding tse di tlang.
<fn>PulaImvula. Opot.2008-07.tn.txt</fn>
Dipeo tsa oli le poroteine ke eng?
Go ya ka tlhaloso ya "webo" ya Dithoro le Dipeo tsa Oli tsa Aforikaborwa, dithoro di tlhalosiwa jaaka ditlhaka (cereals) tse di siametseng go nna dijo tsa batho. Dipeo tsa oli le tsona di siame go nna dijo tsa batho e bile di mosola thata ka ntlha ya oli e di e ntshang. Dijalo tsa dithoro le dipeo tsa oli mo Aforikaborwa ke matonkomane, bali, garase, korong, outse, mmidi, mabele, dinawa tsa soya le sonobolomo.
Dijalo tsa dipeo tsa oli di lemelwa bogolo oli e e mo dipeong tsa tsona. Diteng tsa oli ya dithoro tse dinnye (jaaka korong) ke 1% - 2% fela; mme tsa dipeo tsa oli tse dingwe di simolola ka 20% ya dinawa tsa soya go feta 40% mo disonobolomong le khanola. Metswedi e megolo ya dioli tsa peo tse di jewang ke dinawa tsa soya, disonobolomo, khanola, katune le matonkomane. Dioli tsa peo go tswa mo folekese (linseed) le dinawa tsa khaseta (castor beans) di dirisediwa maikaelelo a mo madirelong. Mafura le dioli tse di jewang le gale di tshwana ka popego ya dimolekhula. Mo themphereitšheng ya phaposi mafura a komota, fa dioli di le metsi.
Disonobolomo, matonkomane le dinawa tsa soya tsotlhe ke dijalo tsa selemo - di jalwa ka nako ya dikgakologo morago ga go feta ga kotsi ya segagane (di bosisi thata mo segaganeng) mme di gola mo setlheng sa dikgwedi tsa selemo (mo dikgaolong tsa pula ya selemo). Dijalo di butswa mo letlhabuleng mme gantsi di robiwa morago ga segagane sa ntlha se se na go wa. Ka fa go le lengwe khanola yona ke sejalo sa mariga - ke yona sejalo se le sosi sa dipeo tsa oli se se sa tshabeng segagane. Dithoro tse di kotutsweng di a silwa go gamola dioli. Mafura le dioli ke dikotla tsa botlhokwa mme di dirisiwa jaaka dioli tsa salate le kapeo, kgotsa tsa loisiwa go dira majerine le dioli tse dingwe tsa kapeo. Dikuno tse di tlaleletsa kgotsa emela dikuno tsa diphologolo (jaaka botoro) tse di sa lekanang go kgotsofatsa ditlhokego tse di golang tsa baagi ba lefatshe.
Masalela a a salang morago ga go gamola oli go tswa mo dipeong tsa oli ke motswedi wa dikotla wa botlhokwa mo diphologong tsa polase. Dijo tsa dipeo tsa oli go tswa mo dinaweng tsa soya, matonkomane, khanola le folekese di humile diporoteine - fa di tlhakanngwa le ditswaki tse dingwe (jaaka dithoro) di tlamela ka phepo e e lekalekanang ka dikotla.
Kerafo 1: Ntshodikuno ya matonkomane mo Aforikaborwa.
Kerafo 2: Ntshodikuno ya dinawa tsa soya mo Aforikaborwa.
Kerafo 3: Ntshodikuno ya peo ya Sonobolomo mo Aforikaborwa.
<fn>PulaImvula. Organise(maize).tn.txt</fn>
Gore o kgone go nna mo seemong sa go diragatsa maano a gago a ditiro tsa isagwe le go fitlhelela maitlhomo a gago a kgwebo ya gago, go tlhokega go rulaganya sentle le ka nako.
Mo kgannyaneng ya Pula/Imvula ya Seetibosigo 2011: seripa sa leano se botoka go na le go tlhoka leano gotlhelele, togamaano e ne ya buisanelwa jaaka tiro ya tsamaiso. Tiro ya tsamaiso ya bobedi e re tlaa e tlhalosang ke thulaganyo. Thulaganyo e kaya gore o tshwanetse go baakanya ka thulaganyo go diragatsa maano a gago a ditiro tsa isagwe. Mo tiragatsong, le gale togamaano le thulaganyo gantsi di dirwa ka nako e le nngwe. Boammaaruri, thulaganyo e tsenyeletsa gore ke mang a yang go dira eng leng le kae le jang le go swetsa gore ke metswedithuso e mengwe efe jaaka metšhine, didiriso, dithulusu, didiriswa, dipopegotheo gammogo le madi e e tlhokegang go diragatsa ditogamaano.
Ka jalo go kgona go rulaganya sentle go botlhokwa thatathata gore montshakuno a itse metswedithuso ya gagwe - popego le botho. Mabapi le badiredi ba gagwe, montshakuno o tshwanetse a itse bokgoni jwa bona, thuto, katiso, kgono (popego, setegeniki le maikutlo), maitemogelo, dithata le makoa. Badiredi ba tshwanetse ba dirisiwe fa ba diragatsang go gaisa teng, mme fa go kgonega ba tshwanetse ba dire se ba se itumelelang go se dira. Gape go tlhokega go baakanya go sa le gale le go netefatsa gore sepalamo, didiriso, didiriswa, ditsenngwateng tsa ntshokuno le madi, tse di tlhokegang di tlaa nna teng kwa lefelong le ka nako e e nepagetseng.
Go rulaganya motho o tshwanetse go tsaya tsa ditro tsotlhe jaaka di rulagantswe le go akanya ka kabo ya metswedithuso go kgona go nna mo seemong sa go diragatsa ditogamaano ka nako jaaka go sweditswe.
Go ya ka thulaganyo ya tiriso motho o ka kopanya le togamaano le thulaganyo jaaka go bontshiwa mo Lenaneong 1. Sekao se ke tsweletso ya sekao se se dirisitsweng mo kgannyaneng ya maloba mabapi le togamaano.
Tlholelela tshimo ya 5.
Buka ya direkoto.
Roba tshimo - Diheketara tse 3 -10.
Badiri ba nakwana ba le 2.
Diterekere tse pedi le ditereilara.
Go lekola dikgomo.
Tlhola dilatso le dijophepo.
Fusetsa, tshwaya, dousa le go kala dinamane tse 100.
Moloto, Abram, Kagiso le Hendrik.
Pitse, buka ya direkoto.
Pitse, buka ya direkoto.
Mogotlha wa dikgomo, dilwana tsa go tshuba, melemo le didiriso, sekale le buka ya direkoto.
Baakanya ntlo 3 (go tlosa motshetelo o mogologolo).
Ditiro tsa letsatsi le letsatsi.
Ntlo 1 le 2.
Johanna, Minah le Johannes.
Sarah, Monica le Dawid.
Disekupa, dikgetsi le tereilara.
Dithulusu tsa seatla tse di sa tshwaraganang.
Rakonteraka wa poraefete.
Dithulusu tsa gagwe.
Mabapi le sekao se, go tsewa gore badiredi botlhe ba katisitswe mme ba na le bokgoni. Go ya pele metswedithuso e mengwe yotlhe e teng le go siama go dirisiwa. Fa go sa nna jalo ditogamaano le thulaganyo tsa gago, di tlaa tshwanela go atolosiwa go akaretsa katiso ya badiri, go baakanya metswedithuso e mengwe gore e nne teng le go siama fa tiro ya tota, jaaka go jala kgotsa go enta loruo, di tlhoka go dirwa.
Se ke sekao fela sa mokgwa o o ka dirisiwang go rulaganya mme o ka nyalanngwa bonolo go tshwanela mabaka le dithato tsa motho. Maitemogelo a tiriso a bontshitse gore ke thuso e kgolo go loga maano le go rulaganya sentle le go dira ka go kwala. Fela jaaka togamaano, thulaganyo e ka dirwa ka bukatsatsi (daeyari), ka mohuta ofe fela wa sekwalwa, mo botong ya mohuta mongwe, seileketeroniki kgotsa tsela efe fela e nngwe e e tshwanetseng.
Fela jaaka mo togamaanong, mo tiregong ya thulaganyo, motsamaisi o tlhoka go ineela mo ditirong tsa tsamaiso, e bong boeteledipele, tlhaeletsano, thotloetso, tholelotiro, kgokaganyo, go tsaya ditshwetso le go tsweletsa tiregatsotolamo. Bogolo jwa kamego mo ditirong tse bo tlaa laolwa ke bogolo jwa kgwebo.
Montshakuno o tshwanetse go ithora ka thulaganyo go tlhaeletsana le badiredi ba gagwe ka go rulaganya le go tsaya ditshwetso mabapi le go rulaganya (ke terekere efe e e tlaa dirisiwang kgotsa ke sediriso sefe kgotsa modiredi ofe). O tshwanetse gape go tsweletsa tiragatsotolamo le go gokaganya, go rulaganya mo dikaraolong tse di farologaneng tsa kgwebo. O tshwanetse gape o kgone go rolela ditiro tsa thulaganyo mo mongweng fa go tlhokega; montshakuno ga a ka ke a dira sengwe le sengwe ka boena.
Gakologelwa gore fa nngwe ya ditiro tsa tsamaiso e ka se ke ya diragadiwa ka tolamo, kgwebo ya gago e ka nna ya dira poelo, fela golo gongwe moragonyana fale - e ka nna dingwaga tse tlhano kgotsa lesome, kgotsa le go feta - kgwebo ya gago e tlaa ema tsi! Mme e sa le gape kgwetlho ya isagwe - fa tsamaiso ya gago e sa tokafale ngwaga le ngwaga - kwa bofelong kgwebo ya gago e tlaa ema tsi! Mo go rayang gore dipoelo ga di tlhole di dirwa. Motho ga a ke a dira dilo ka tsela e e tshwanang ngwaga le ngwaga. O tshwanetse go tokafala ka go oketsa lotseno lwa gago le/kgotsa go laola ditshenyegelo. Thulaganyo e e lolameng ke sediriso sa botlhokwa go fitlhelela tse di umakilweng fa godimo.
<fn>PulaImvula. Partneships.2010-01.tn.txt</fn>
Jaaka go umakilwe pelenyana, tlhabololo ya montshakuno ga se tiro e e bonako le botlhofo - e akaretsa batho ba ba farologaneng ba le bantsi, mefamatiro e e farologaneng e le mentsi le nako e ntsintsi. Ga re ka ke ra dira se re le rosi mme ke gona ka moo re lebogelang thata kemonokeng le tseoseabe ya batho ba bangwe ba le bantsintsi.
Mmasepala wa Kgaolo wa Amathole.
Karel Taljaard - South African Lime and Gypsum.
Khula - go nna le seabe ka Malatsi a Balemirui.
Cliffe Deacon wa Agricol - peo.
<fn>PulaImvula. Pest.2008-03.tn.txt</fn>
Go itemogelwa ditatlhegelo tse di kwa godimo ka ntlha ya tlhaselo ya sebokophetlhi.
Puo ya kakaretso ke gore sebokophetlhi sa mmidi se tlhola tatlhegelo ya 10% ka ngwaga ya sejalo sa mmidi, fêla tatlhegelo ya sejalo sotlhe e ka diragala.
Dibokwana tse di godileng di ya phuku mo dikutung tsa dirite tsa mmidi mo marigeng jaaka mokone.
Sebokophetlhi sa mmidi ke sesenyi se se fitlhelwang ka gale koo mmidi o lengwang teng mo Aforika - sesenyi se ke semelafa sa Aforika mme mefuta ya majang e mentsi e tshegetsa modikotshelo wa sona.
Puo ya kakaretso ke gore sebokophetlhi sa mmidi se tlhola tatlhegelo ya 10% ka ngwaga ya sejalo sa mmidi, fela tatlhegelo ya sejalo sotlhe e ka diragala. Dibokwana di ja matlhare, lotlhaka le diako tsa semela sa mmidi.
Go tlhaloganya dintlha tsa botlhokwa tsa modikotshelo wa sesenyi go botlhokwa go go kgontsha go tsaya ditshwetso tse di botlhale mo taolong ya sona. Dibokwana tse di godileng tsa sebokophetlhi sa mmidi di itshuba jaaka mokone mo dikutung tsa dirite tsa mmidi tse di setseng mo tshimong mo pakeng ya mariga. Tsona di tlaa tswelela go gola go nna losika lwa ntlha lwa mmoto go baya mae a a tlaa thuthusiwang morago ga malatsi a supa go ya lesome.
Dibokwana tse di thuthugileng di ja nako ya dibike di le thataro mme morago ga moo di fetoge mokone gona mo kutung ya semela sa mmidi. Morago ga dibeke di le tharo losika lwa mmoto lwa bobedi le tlhagelela ka dipalo tse dintsi go feta segopa sa ntlha kgotsa sa boraro le segopa sa bofelo.
Go ya ka tsa kgwebo go na le dikgato di le mmalwa tsa taolo ya sebokophetlhi. Tsona ke taolo ya sekhemikale, tlhopho ya mofutapeo, mekgwatiriso ya setso le taolo ya sebaeloji: Dikgatotaolo tse ga di tlhomamise gore taolo e tlaa nna 100%, fela di thusa go fokotsa tlhaselo le go kgontsha ntshodikuno ya mmidi e e tswelelang.
Dikhemikale tse di kwadiseditsweng go laola sebokophetlhi sa mmidi di aroganngwa ka dibolayasenyi tsa kamano kgotsa tsa monyelo.
Megopolo ya gore dikuno tse di turang di nonofile thata go na le tse di tlhotlhwautlase ga se boammaarri ka gore dikuno dingwe tse di tlhotlhwatlase di tlamela ka taolo e e gaisang thata. Polelo ya gore taolo e ka tshwarelela boleele jwa dibeke tse thataro le yona e a belaetsa. Ka ntlha ya ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa taolo ya sekhemikale, balemi ba tshwanetse go netefatsa gore tepo ya tshelo e nepagetse. Kgatsho e e kelotlhoko ya thibelo, e sa le e supile bogologolo gore ga e a nonofa, mme ga e atlanegisiwe. Taolo ya sekhemikale e tshwanetse go akanngwa fela fa 10% ya tshimo e na le ditshupo tsa tlhaselo e e ikepelang jaaka "tshenyo ya sefako", le foo dibokwana di ntseng di iphepa ka matlhare.
Mo go diriseng 10% ya boleng jwa mapalamo le gona go dumelana le tepo e e nepagetseng ya tshelo ya sebolayasenyi. Tshelo e le nngwe fela e ka tswa e sa lekana ka gore tlhaselo e ka ipoeletsa moragonyana. Mo bofelong jwa setlha jaaka jaanong jaana go botlhale go tlhatlhobela dibokwana tse dinnye fela fa pele ga go ntsha lefetlho. Fa dibokwana tse dinnye tse di sa laolwe di ka rwala maikarabelo a nyeletso ya diako e e feletseng. Taolo e e siameng e ka fitlhelelwa go fitlha ka 50% ya go ntsha lefetlho.
Tlhagiso ya mefutapeo ya mmidi wa Bt, e fokoditse tlhokego ya taolo ya dibolayasenyi ka kemelano ya mefutapeo e e nang le lotso lo lo kgatlhanong le tlhaselo ya sebokophetlhi. Lotso lo lo tlhotlhola ntshodikuno ya botlhole jo bo leng kotsi mo dibokwaneng.
Go thibela tsweletso ya kemelano, ditaelo mabapi le phesente ya mmidi o o seng wa Bt go jalwa mmogo le mmidi wa Bt, di tshwanetse go latelwa ka botlalo. Ga se mofutapeo yotlhe e e nang le lotso lwa Bt e e nang le kemelano e e lekalekanang kgatlhanong le tlhaselo ya sebokophetlhi mme se se tshwanetse go tsewa tsia fa go tlhophiwa mefutapeo ya setlha sengwe le sengwe.
Bantshadikuno ba tshwanetse ba lemoge paka ya malatsi a a lesome ka nako ya go ntsha lofetlho fa dibokwana tse dinnye di ka iphepa ka maledu. Ka nako e botlhole jo bo mo maledung bo tlhaologile ka ntlha ya diteng tse di kwa godimo tsa metsi a ona go go tlholang gore dibokwana dingwe di falole. Tshenyo ya Lotlhaka ka ntlha ya difalodi tse e tlaa bonala ka nako ya thobo, fela ka gore tshenyo e diragetse moragonyana mo pakakgolong, e tlaa nna le kamo e nnye mo thobong. Dibokwana tse di tlaa nna ditsalwapele tsa segopa sa mmoto sa ntlha sa setlha se se latelang. Fa o tshwanela go tlhopha magareng ga taolo ya sekhemikale kgatlhanong le mefuta peo ya Bt, ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa mefuta peo ya Bt, di tshwanetse go tsewa tsia.
Go ribega mo marigeng go go tlholang gore dirite di tlogelwe mo boalogodimong go tlaa thusa go fokotsa tlhaselo ya sebokophetlhi mo setlheng se se latelang ka go senolela mekone serame sa mariga le baba ba tlholego ba yona, se se tlhole phokotsego ya palopalo ya disenyi. Go lema le kwa bofelong katelo e e kwa botennye ya dirite go tlaa thibela meboto go tlhagelela mo setlheng se se latelang.
Diparasite tse di jang mokone le mae a teng, di teng, fela nonofo ya tsona ga e na boleng bope jwa bogwebi. Bojang jwa Napier jo bo jalelwang go nna moamogelamoeng yo o eletsegang mo mmiding bo dirisiwa jaaka tselataolo mo balemipotlaneng. Fela le gale ga go na lebaka la gore go reng balemi ba kgwebo ba ka se ke ba dirisa mokgwatiriso o ka gore bojang jwa napier ke dijo tsa loruo tse di gaisang mo polokong. Ditsela tsa taolo tsa setso le sebaeoloji ga di a nonofa sentle go na le taolo ya sekhemikale le tiriso ya thekenoloji ya Bt.
Ke lebaka le le ultwalang gore go itemogelwa ditatlhegelo tse di kwa godimo ka ntlha ya tlhaselo ya sebokophetlhi. Dikgatotaolo le tsamaisodijalo e e siameng di botlhokwa thata go fokotsa ditatlhegelo.
<fn>PulaImvula. PivotsMaize.2009-09.tn.txt</fn>
Photo 1: Senosetsidikologi se bontsha kelelo e e kwa godimo gaufi le losi lwa modiko o o ka kwa ntle. Gakologelwa gore bokakwantle jwa senosetsi bo gasetsa kgakala go digela modiko, e bile ke ka moo go dirisiwang metsi a mantsi fa o katoga pinagare ya senosetsi.
Sediriso sa nosetso ka mosarasarane se se itsamaisang sa ntlha se ribolotswe ka 1948 le go kanwa bong ka 1952 ke Frank Zybach kwa Colora botlhaba kwa Dinageng tse di Kopaneng tsa Amerika. Dithulaganyo tsa gale di ntse motheo wa tlhabololo ya sedirisodikologi se se itsamaisang sa segompieno le dithulaganyo tsa nosetso ya mela.
Kgono ya tsona ya ditshelo tsa metsi tsa gangwe le gape, tse di nonofileng thata le go lekalekana.
Kakaretso ya tota e e atologileng.
Kgono ya go tshela metsi le dikotla tsa diraroloswametsing ka papano mo kgaolong e tona ya mmu le maemo a popego a mmugodimo.
Senosetsisedikologi se dirilwe ka ditshipi le dipeipi, tse di tshegeditsweng ka dikgala tse di ka nnang dimitara tse 50 mo foreiming ya maotwana a mabedi.
Se se tlhoma phaefote kwa ntlhabogareng mme ke yona hapa le sebopego sotlhe se dikologang mo go yona.
Se ke yona yunite ya motheo eo senosetsidikologi se agilweng ka yona mme se dirilwe ka peipi e kgolo e metsi a elelang ka yona, foreimi e e tshegetsang peipe le motšhine o o kgweetsang. Boleele jwa sepane ga bo tlhoke go lekalekana (uniform) mme bo ka farologanngwa go tsamaelana le maemo a tshimo kgotsa go tlamela sebaka magareng ga terase le boalogodimo jwa mmu mo sefatleng se se kgokologang.
"Overhang" ke peipe e nnye e e nang le dikgatshi e mo gongwe e kalediwang ka dikheibole go feta dithawara tse di kwa losing go oketsa kgaolo e e kolobediwang. Dithunyakhutlo le dithulaganyo tsa dikhutlo le tsona di ka gokelelwa kwa bofelong jwa motšhine go oketsa kgaolo e e kolobediwang mo dikhutlong kgotsa go akaretsa dikgaolo tsa tlaleletso. Metšhine ya senosetsidikologi e ka nna boleele jwa go feta dimitara tse di 1 000.
Kopanyo nngwe le nngwe ya bogolo jwa dipeipi le sepane mo senosetsidikologing se se rileng e ka tlhaolwa ka nomore ya mmotlolo. Badiri ba ba farologaneng ba na le ditotobatso tse di farologaneng.
Modiri mongwe le mongwe o tlaa tlamela ka dintlha tsotlhe tsa bogodimo go katoga dijalo tsa boleele jwa dipane tse di farologaneng mo mefuteng ya dinosetsidikologi tsa bona. Katogodijalo e ka farologana go tswa magareng ga dimitara tse 4 mo modirong wa porofaele e e kwa godimo, go ya go dimitara tse 0,3 mo modirong wa porofaele e e kwa tlase.
Peeletso mo senosetidikologing se se gogwang e ka amogelesega fela fa go na le dintlha tsa phaefote tse di tlhabolotsweng di feta bongwe mo masimong a a farologaneng mme thulaganyetso ya dijalo le mafulo e letla go jalwa ga dijalotlaleletso.
Mmu le popego ya mmugodimo - mebu ya mmopa le mekgokolosa e e kgabaganyang, di ka kgoreletsa thotho.
Palogodimo ya dipane tse di letlegang go gogwa.
Tsela ya bophara jwa dimitara tse thataro ka boalogodimo jo bo lekalekanang e batlega magareng ga dintlha tsa phaefote. Efoga kgotsa o tlhokomele fa o goga phaefote mo godimo ga ditotoma tsa dikonturu le diforo.
Kopanyo ya dipane - ke dipane dingwe fela tse di ka tsamaisiwang.
Kgokelo ya motlakase e tshwanetse go gololwa pele go tsamaiwa.
"Pivot flex" - kgokedi e e temekang e letla diphaefote go tsamaya mo mekgokoloseng ya go feta 14% go ya 30% go fologa kgotsa go tlhatloga lekgabana.
Motšhine wa senosetsidikologi o dikologa mo sebopegong sa peipi sa motheo mo mpeng ya tshimo, gore ka jalo karolo e e nosiwang ke popego e e tshekeletsa go akaretsa dikarolo tsa ditshekeletsa tse di kwa tlase ga 360°. Go kgonega go akaretsa 80% - 90% ya tshimo e e sekwere. Ke phesente ya kgaolo e e nositsweng ka melagare e e farologaneng ya senosetsidikologi koo tshekeletsa e e kwa garegare e leng 50% ya molagare mme e na fela le 25% ya kgaolo e e noseditsweng yotlhe. Go botlhokwa go lemoga gore 75% ya kgaolo yotlhe e e jetsweng dijalo e diragala mo halofong e e kwa ntlentle ya molagare.
Senya metsi, maatla le madi.
Bantshadikuno le batsamaisi ba nosetso ba ba bayang dilekanyo tsa bongola jwa mmu ba oketsa kgono ya bona ya go boloka metsi le maatla thata, ba tlhatlosa thata thobo ya dijalo le go efoga kgogolego ya mmu le kgotlelego yametsi. Botsamaisi jwa nosetso bo akaretsa tsweletso ya tikologo e e tshwanetseng go jala dijalo, bogolo segolo ka go thibela mmu go nna bongola thata kgotsa go oma thata. Ga go ope yo o tshwanetseng go itse ka ga masimo a gago, dijalo le nosetso go go feta (gaisa).
Senosetsidikologi ke sediriso sa botlhokwa jo bo boitshegang go tshela metsi mo dijalong, fela fa se sa dirisiwe ka tshwanelo, se ka palelwa, fela jaaka thulaganyo nngwe le nngwe ya nosetso. Fa tlase go latela dintlha di le mmalwa tse di tshwanetseng go tsewa tsia mabapi le tsamaiso.
Dinosetsidikologi di tlamela ka temekiso ya tiriso e kgolo mme di dirisiwa ka katlego go medisa dijalo, go tsosolosa dibolayatlhatshana, go tshela dibolayasenyi, diboloyatlhatshana le dibolayafankase e bile di dirisiwa go fepa ka tlhamalalo dijalo ka monontsha go ya ka ditlhokego tsa tsona. Senosetsidikologi se na le kgono e e faphegileng ya go tshela dikoketsego tse dinnye tsa metsi gantsinyana. Fa mojadi a fetogela kwa dinosetsidikologing, o tlhoka go tlhaloganya gore tsela e a nosetsang ka yona e tlhoka go fetoga. Boemong jwa go tshela dinoko tse 1,5 go ya 2,0 tsa tshelo nngwe le nngwe, go ka tswa go le botoka go tshela selekanyo seo ditshelo tse pedi go ya tharo. Go leka go tshela metsi a mantsi ka nako e le nngwe go ka tlhola merwalela e e sa batlegeng mo tshimong le mathata a tsamao ya maotwana.
Go sa ntse go le botlhokwa go ela tlhoko gore mojadi o laola metsi mo kgaolomeding. Fa mojadi a ka leta lobaka lo loleele go simolola go nosa, ka dinako dingwe go ya go nna thata go samagana le nosetso le go efoga ngodiego ya dijalo. Se se ka nna bothata mo bajading ba ba iseng ba ke ba nose, ka gore ga ba lemoge gore go tsaya lobaka lo loleele go dira modikologo o o feletseng go tloga ka nako e ba simololang ka yona. O se boife go tshuba senosetsidikologi, go ka go duela thata.
Ma mabakeng a mantsi, go sa ntse gape go na le tšhono ya go boloka metsi ka ntlha ya thulaganyo ya nosetso e e lolameng. Fela jaaka go ntse ka thulaganyo ya nosetso nngwe le nngwe, go botlhokwa go baya bongola jwa mmu leitlho, le go tshela metsi fela fa go tlhokega. Se se tsala dipoloko tsa metsi le maatla go ralala setlhakgolo sotlhe.
Senosetsidikologi ke peeletso e kgolo thata, mme ka gore e tlhomilwe kwa masimo mme e sa bolokwe mo setorong sa metšhine, fa gongwe bajadi ba batla ba lebala ka tlamelo ya motheo, e ba tshwanetseng go akanya ka yona. Fa o tlhopha go e itirela, go dintlha di le mmalwa tse o tshwanetseng go di akanya.
Tsholola le go emisetsa oli mo dikerebokosong tsa maotwana a kgweetso otlhe le dikerebokoso tsa pinagare ya kgweetso. Netefatsa gore o dirisa oli ya modiri wa motšhine. Fetola oli mo dikerebokosong bonnye morago ga dingwaga dingwe le dingwe tse tharo morago ga fa, mo maemong a tiragatso a a tlwaelegileng. Fa mojadi a dirisa motšhine go feta diura tse 1 000 ka ngwaga, gona akanya go fetola oli ngwaga le ngwaga kgotsa morago ga ngwaga tse pedi.
Tlhola serai sa motlhaba go bona gore motlhaba ga o a tlala moo. Fa go tlhokega o tlhatswe ka metsi.
Netefatsa gore sediriso se itshetletse sentle.
Mina metsi otlhe mo phaefoteng le mo digokeding tsotlhe tse di tsenang mo phaefoteng.
Go botlhokwa go gakologelwa gore nako ya go ikhutsa mo setlheng sa nosetso ka dinako dingwe e ka nna masisi. O tshwanetse go akanya tlamelo ya senosetsidikologi sa gago e le ya botlhokwa fela jaaka lenaneo la tlamelo la diterekere, dipolantere le dirobi tsa gago.
<fn>PulaImvula. Plan(maize).2010-10-13.tn.txt</fn>
Kgannyana e e ikaelela go rotloetsa montshakuno mongwe le mongwe yo o mo tseleng ya go batla lefatshe, gape fela go botlhokwa le mo go rona ba ba setseng ba na le lefatshe go sekaseka maemo a rona gangwe le gape le go dira tshekatshekotekanyetso mabapi le phologo ya pakatelele ya dipolase tsa rona jaaka dikgwebo.
Bonglefatshe ke ntlha e e masisi mme e bile e dirisiwa jaaka seikgotlho sa thulano mo mosakong wa dipolotiki. Fela le gale montshakuno yo o yang go atlega fa phitlhelelo ya lefatshe e nna teng, e ka nna ka tsela efe fela, e tlaa nna montshakuno yo o tsayang molebo wa seporofešenale ka go sekaseka ka kelotlhoko dintlha tsotlhe tse di tlaa sekasekwang fa tlase.
Go boammaaruri gore le mororo go na le ketsaetsego le go se kgotsofale mabapi le kabosešwa ya lefatshe mo bathong fela, go setse go rekilwe dipolase tse dintsi ka tsela ya moreki yo o ratang le morekisi yo o ratang mme e bile go sa ntse go le boammaaruri gore ke fela dingwe tsa dipolase tseo di setseng di roletswe mo bajabosweng ba ba setseng ba supilwe go amogela lefatshe. Bao ba rona ba re leng babogedi ba ba se nang thata ba tirego e ya tholelolefatshe, re sa ntse re botsa dipotso di le dintsi ka tselatlhaolo e e dirisitsweng go supa bajaboswa. Gantsi re amogetse dikgang tsa boitumelo ka phitlhelelo ya lefatshe, mme ka ponyo ya leitlho fela re bo re buisa dikgang gape tsa go retelelwa ga yona porojeke eo.
Mo go Mopitlwe 2010, Tona ya Tlhabololomagae le Kabosešwa ya Lefatshe, Gugile Nkwinti, o amogetse gore mananeo a kabosešwa ya lefatshe a puso ga a atlega e bile bajaboswa ba le bantsi ba reteletswe ke go dira katlego ya bogwebi mo mafatsheng a bona. Tlalelo e e tshosetsa ka tlhamalalo maikemisetso a kabosešwa ya lefatshe le puso a a ikaeletseng go sitlhamololela 30% ya lefatshe la temothuo mo bantshakunong ba bantsho ka 2014. Se se ka swabisa e le tota! Bannaleseabe botlhe kwa Grain South Africa le mo motseletseleng wa Boleng wa Dithoro ka kakaretso, ba dumela ka botlalo gore tholelolefatshe e e edileng le e e atlegileng e botlhokwa thata mo nitamong le katlegong ya temothuo ya pakatelele mme e bile ke selotlele sa go netefatsa tshireletsego ya dijo ya setšhaba sa rona.
Go bokete go itse gore ba ba neilweng tiro e ya kabosešwa ya lefatshe ba tlhotlhile le go supa jang bajaboswa ba ba tshwanetseng. Re na le go dumela gore ka kwa ga bajakalosika le kgobelelo go tlaa nna le tirego e e sa gobeleleng le e e utlwalang e e tlaa tsamaisiwang ka seriti mo tshiamelong ya setšhaba le gore go diragadiwe kabosešwa ya lefatshe e e atlegileng. Fa ke teng fa montshakuno yo o leng moporofešenale wa nnete yo o nang le keletso ya boammaaruri ya go nna montshakuno ka pelo le moya a ka ipulelang phatlha. Batho ba ba lorang go ipona motho a dira temothuo mo lefatsheng la gagwe le go nna le tsholofelo ya tšhono ya go tswelwa mosola mo maikemisetsong a kabosešwa ya lefatshe gajaana, ba tshwanetse go ipaakanya ka tirego e e tseneletseng ya thulaganyetso e e akantsweng sentle. Ba tshwanetse go kgona go rotloetsa boikanyego ka go ka kgona ka katlego jaaka bantshakuno ba bašwa. Go le gontsi basolofedi ba ikaega ka lesego le lennye go na le boithotloetso jwa bona go nna baporofešenale ba ba dirileng ka natla go rulaganyetsa le go baakanyetsa kgonagalo ya gore ka letsatsi lengwe a ipone a na le lefatshe le e leng la gagwe.
Kakanyo nngwe le nngwe ya kgwebo e simolola botshelo fela jaaka tlhaka ya peo - e phuthetswe le go tlhalosiwa mo togamaanong ya kgwebo. Ga go na matsapa ape a seporofešenale a go simolola kgotsa go atolosa kgwebo a ka simololang kwa ntle ga batshegetsi le batlamela-ka-matlole mme togammano ya kgwebo le sediriso se se tletseng ka mabaka le maano a kgwebo ke sediriso se se tletseng ka mabaka le dipalo tse di romelang molaetsa o o rotloetsang gore go reng "toro" ya gago e tshwanela go engwa nokeng gore e fetoge boammaaruri! Ke yona togamaano ya kgwebo e, e e go tlhagisang jaaka moporofešenale yo o nang le maikaelelo a a utlwalang mme e go supa o le motho tota ka go tlhalosa dikgato tse o tlaa di tsayang go fitlhelela maikaelelo ao. Togamaano ya kgwebo e tlaa akaretsa dintlhakgolo tsa se o akanyang e le ditšhono tsa kgwebo mme e tlaa supa maikaelelo a pakakhutshwane le pakatelele gore o kgone go beela maano a gago nako ya tiragatso. Molebo wa porofešenale wa gago o tlaa supa gore o ikamantse le mmaraka o o akanngwang wa gago go akaretsa le go sekaseka ditšhono le matshosetsi a a leng teng. Ebu, gonne o batla go kgatlha batshegetsi ba ba kgonegang, o tlaa tlhoma mogopolo mo dikgonong tsa gago jaaka montshakuno yo o nang le kitso le lorato lo lo tseneletseng gammogo le kemonokeng e e tlhokegang go tswa balemiruing le baporofešenale ba bangwe mo maranyaneng a temothuo.
Togamaano ya kgwebo nngwe le nngwe ya polase, e tlhoka go tlhatlhoba dintlha tsotlhe tsa polase jaaka yunite. Togamaano e tshwanetse go tsenyeletsa ditsamatlole mo popegong ya tekanyetso le diphopholetso tsa isagwe. Se ke kgato e e masisi mo kgwebong e bile bogolo jang mo maemong a gajaana a tshitlhamololelo ya lefatshe, jaaka bothata jo bo tlhalosiwang gangwe le gape, ke gore puso e neela bajaboswa lefatshe e bo e nyelela, e tlogela batho ka bongwe, ba ba sa ipaakanyang ba ba se nang ditsompelo tsa ditsenngwateng tse dinnye kgotsa tse di se yong mabapi le botataisi, tlhabololo ya bokgoni le dikadimo tsa ntshokuno. Go a itumedisa le go jesa monate le go tsitsibolola madi go abelwa lefatshe - fela! Motho yo o itlhaloganyang o nna a ipaakantse sentle e bile o itse gore ditoro tsotlhe di tlhoka ditsenngwateng tsa matlole go dira gore toro e fetoge boammaaruri jwa bosakhutleng. Mongwe le mongwe a ka jwala peo mo mmung, ga se mongwe le mongwe yo o ka dirang gore e gole e bo e nne le maungo. Ikemisetse go kopa thuso go netefatsa gore ditsamatlole tsa gago di a utlwala mme o itshepe gore o itse se o se tlhokang go dira gore maiteko a temothuo a gago a dire.
Go tlhalosa se o akanyang go se dira mo kgwebong ya temothuo ya gago.
Supa maitemogelo a gago le go tlhomamisa bommannete jwa gago ka go fa mabaka a gore go reng o le ntlhopheng yo o tshwanetseng.
Bontsha gore o tseetse tlhogong lefatshe le o nang nalo, tlelaemete ya gajaana mo mhameng o o o ikaeletseng gammogo le ditšhono tsa ditheko le dithekiso tse o di iponetseng.
Tlhomamisa maikaelelo a gago gammogo le go lemoga mathata a a ka nnang a tshosetsa katlego ya kgwebo ya gago.
Se ke kakanyo e e masisi mo montshakunong mongwe le mongwe e bile e iphetotse kgwetlho mo pakeng eo bantshakuno ba itemogelang kgaisano go tswa bantshakunong ba lefatshe ka bophara, bokgakala jwa diketekete tsa dimmaele. Bantshakuno ba tlhoka go baya mmaraka leitlho letsatsi le letsatsi mme ka dinako tse dingwe ba tshwanela go tsaya tshwetso ya go rekisa thobo ya bona le mororo dijwalo di sa ntse di le matlhogela a manana mo masimo! Togamaano ya thekiso e e tlhalosegang e tshwanetse ka gale go tsamaisana le lenaneo la ntshokuno gonne ga go a siama go jwala sejwalo se o se kitlang o se bonela bareki ba ba ikaeletseng go duela ditlhotlhwa tse di tlaa netefatsang gore matsapa otlhe a jwalo a gago a lerela kgwebo ya gago poelo e e bonalang.
Ditshenyegelo tsa go reka didiriso gammogo le kgare (buffer) ya ditshenyegelo tsa matlole (thulo).
Ditshenyegelo tsa rente.
Ditshenygelo tsa ditsenngwateng go jwala dijwalo tsa gago tsa ntlha.
Dituelo le ditefo.
Ditshenyegelo tsa mesepele le tsa lookwane.
Ditshenyegelo tsa rakonteraka di tshwanetse go nna karolo ya dipalelo tsa gago fa o sweditse gore ga go a siama go beeletsa ka gangwe fela mo metšhineng yotlhe e e tlhokegang.
Ntlhakgolo ya botlhokwa mo thulaganyetsong ya matlole e tlaa nna ditlankana tsa madi a a seatleng a a tsenang mme se ka gale se dirwa ka thuso ya motsholadibuka wa porofešenale kgotsa mogakolodi wa banka.
<fn>PulaImvula. Planning(maize).2011-06-07.tn.txt</fn>
Gore kgwebo e tswelele pele sentle e tshwanetse go tsamaisiwa ka tolamo. Togamaano e e lolameng e masisi tota gonne ke yona motheo oo ditiro tsa tsamaiso tse dingwe tsotlhe di thaetsweng mo go yona.
Go tsamaisa ka tolamo go raya gore ditiro tse e nne tsa tsamaiso - togamaano, thulaganyo, tiragatso le taolo, di tshwanetse gore di diragadiwe ka tolamo, tiro nngwe le nngwe e amogele kelotlhoko e e e tlhokang go tshola kgwebo e tsamaya ka thelelo ka nako yotlhe go fitlhelela maitlhomo a a ipeetsweng, jaaka go dira poelo.
Togamaano e tota e tshwanetse go nna tiro e e masisi tota ya montshakuno ka ntlha ya gore ke yona motheo o ditiro tsa temothuo tsotlhe tsa gagwe di thailweng mo go ona. Togamaano e ka tlhalosiwa e le netefaletso ya ditiro tsa isagwe tse di leng botlhokwa go fitlhelela maitlhomo a a kgethegileng a kgwebo mme gape le go bolela ditiro ka morero wa mohuta mongwe gore ditiro tse di ka diragadiwa jang.
Gantsi go umakiwa gore motho ga a kgone go loga maano ka go itlhaloganya mo temothuong mme go ntshiwa lebaka la gore temothuo e mo kgatelelong ya ketsaetsego le riseke tse dintsi jaaka maemo a tlelaemete, malwetse le tlamelo le tlhatlogo le go wa ga ditsenngwateng le dikuno. Diriseke le dipharalogano tse di tlhaolegetseng ntshokuno ya temothuo e bile ga di ka ke tsa ganelwa le go dira kgwetlho go ya ka togamaano ka kgwebo ya temothuo. Fela le gale halofo ya leano e botoka go na le go tlhoka leano gotlhelele (hube ga a tshwane le setlhe). Go gakololwa go loga leano go ya ka ngwaga o o magareng le go nyalantsha maano fa maemo a a maswe a ka tlhagelela mo tsamaong ya ngwaga.
Go tshwanetse go dirwe eng?
Se tshwanetse se dirwe kae?
Se tshwanetse se dirwe leng?
Go dirwe go le kana kang?
Se tshwanetse se dirwe jang?
Togamaanotiriso e tlhoka gore togamaano e tlhagisiwe ka go kwalwa mme e tlhoka boikgapo. Motho o tshwanetse go e dira, a bo a e dire go fitlhelela e fetoga mokgwa. Togamaano e ka nna mo bukatsatsing mo botong ya mohuta mongwe, ka seeleketoroniki kgotsa ka mokgwa ofe fela. Fa o rulaganya thata ka mokgwa o ke gona ditogamaano di nnang tsa tota ka tota gonne di ikaegile ka maitemogelo le tshedimosetso tse di fetileng.
Togamaano gale e thaiwa le go dirwa ka tsela ya ngwaga le ngwaga. Go tlaa dirwang mo ngwageng o o tlang mo polaseng. Fela, gape le gale go tshwanetse go nne le togamaano ya pakatelele e e ikaegileng ka gore go tlaa ntshiwang mo pakateleleng.
Se ke togamaano e e sephara thata e e supang gore go rulagantswe go ntsha eng mo polaseng mo pakateleleng go fitlha dingwaga tse tlhano kgotsa go feta. Sekao, togamaano ya go jala diheketara tse 500 tsa dijalothekiso ka ngwaga, go tlhagisa nama go tswa mo nageng le go ntsha dikoko tsa nama.
Se se tshwanetse go supa ka bophara dikgato tsa kakaretso tse di tshwanetseng go wediwa mo ngwageng o o latelang jaaka go penta kago e e rileng, go bofa logora lo lošwa, go tlamela dikgora, go reka mogoma o mošwa, dikhoso kgotsa malatsi a balemirui, tse di ka tsenelwang, jalo le jalo.
Go tlaa ntshiwa kuno efe ka kgatlhego mo ngwageng oo, bokana kang le jang le gape ka moo kuno nngwe le nngwe e tlaa bapadiwang ka teng.
Go jala diheketara tse 400 tsa mmidi o mohibidu go dirisiwa mo polaseng, mme o o setseng o rekisediwe bonontshetso jo bo gaufi ka konteraka.
Go jala diheketara tse 100 tsa sonobolomo go tlaa di rekisa ka konteraka.
Go ntsha dipholwana tsa dikgwedi tse 20 di le 200 go tswa mo nageng go di rekisetsa YYY Supermarket.
Go penta bodirelo le setoro sa terekere.
Go aga letamo mo kampeng 9.
Go baakanya le go tlamela dikgora tsotlhe.
Go tswa mo togamaanong ya sengwaga - kakaretso le ntshokuno - go ka logiwa togamaano ya kgwedi.
Togamaano ya Ntshokuno - go tlholelela masimo a mmidi mme fa e le sonobolomo go roba diheketara tse 100.
Dikgomo - go tlamela dikgomo tsotlhe ka dilatso tsa mariga, go tlamela dinamane tsotlhe ka dijo tsa tlaleletso, go kgwisetsa dinamane tsa ntlha, go tlhomamisa boima jwa tsona le go tshuba dinamane tsotlhe serope, go dousa dinamane ka molemo o o akaretsang wa dibokwana le go tlhomamisa boima jwa diphologolo tsotlhe.
Dikoko - go dira ditiro tsa letsatsi totlhe, go rekisa tsa hoko ya bobedi le go baakanyetsa hoko ya boraro mophato o o tlang wa dikokwana.
Kwa tshimologong ya kgwedi ditogamaano tsa beke nngwe le nngwe ya kgwedi, di ka thalwa. Motheo waditogamaano tsa beke ke ditogamaano tsa kgwedi tsoopedi tsa mabaka a kakaretso le ka ntshokuno.
Togamaano ya bofelo jaanong e tshwanetse go nna togamaano ya letsatsi e e dirilweng mo bokhutlong jwa beke e e fetileng le go supa ka botlalo sese tlaa dirwang letsatsi lengwe le lengwe mo bekeng e e tlang. Sekao: Beke 9 -13 Motsheganong 2011 Ditogamaano tsa beke le letsatsi di kopantswe mo lenaneong 1.
Ditiro tsa letsatsi hoko 1 le 2.
Go penta bodirelo (go fediwa gompieno).
Fa togamaano e le ya pakakhutshwane gona go tlhokega go tlaleletsa dinwane tsotlhe mo ditogamaanong. Go gakologelwe gore ditogamaano ga di a kwakwalala, bogolosegolo mo kgwebong ya temothuo. Go na le ditiragalo di le dintsi tse di sa lebelelwang, jaaka melelo ya naga, dithobego (didiriso), go lwa ga poo ya setutu le tse dingwe jalo.
Togamaano jaaka tiro ya tsamaiso, e dira jaaka motheo wa go rulaganya le go diragatsa tse di tlaa buisanelwang mo kgannyaneng ya isagwe. Kwa ntle ga togamaano go ka tlhokafala gape le taolo e e lolameng gonne togamaano e dira jaaka kgato ya ntlha mo tirong ya taolo ka go tlhoma diemo tse di tlhokegang tsa taolo.
Mo tiregong ya togamaano le thulaganyong, tiragatsong le taolong, motsamaisi o tlhoka gape go nna le boineelo mo ditirong tsa botsamaisi tsa gagwe tse dingwe. E leng boeteledipele, tlhaeletsano, thotloetso, kabelanotiro, kgokaganyo, go tsaya ditshwetso le go tshegetsa boikgapo. Bogolo jwa kamego mo ditirong tse bo tlaa laolwa ke bogolo jwa kgwebo.
<fn>PulaImvula. Planning(wheat).2011-03-14.tn.txt</fn>
Fela fa o setse o robile dijalo tsa korong tsa gago tsa 2010, go simolola thulaganyetso e e feleletseng ya setlha se se latelang. Se ke nako e e siameng ya go sekaseka gore go diragetseng mo setlheng se se fetileng le go tlhatlhoba dintlha tsa tsamaiso le ntshokuno tse di farologaneng tsa dijalo tse di ntseng le seabe mo go tlhomamiseng kwa bofelong boleng le thobo ya sejalo.
Fa e le gore go ntse go sa tsholwe direkoto tsa ditiragalo tsa tshimo nngwe le nngwe, jaanong ke nako e e siameng ya go kgona go dirisa deitha ya ngogola go simolola thulaganyo ya go tshola direkoto.
Fa togamaano ya kgwebo e e akaretsang thulaganyetso ya molapoelogotlhe ya sejalo sengwe le sengwe, e ne e thadilwe mo ngwageng o o fetileng, methamo ya tota e e dirisitsweng gammogo le ditshenyegelo tsa teng, di tshwanetse go tshwantshwanngwa ka kelotlhoko le tekanyetsokabo ya tshimologo. Dintlha tse di tlhotlheletsang dintsenngwateng tsa sebopego le seikonomi gammogo le maemo a tlelaemete tse di tshwaetseng mo katlegong kgotsa go palelweng ga sejalo se se rileng di ka tshwaiwa le go sekasekelwa go fetola kgotsa go tokafatsa.
Direkoto tsa motheo tsa dintlha tsa sebopego tse di latelang tsa masimo di tshwanetse go tsholwa le go tlhabololwa ngwaga le ngwaga: leina la polase, sedika sa polase, bogolo jotlhelele, bogolo jwa masimo a a lemiwang, mafulo, mafulo a a jetsweng a a tokafaditsweng, nosetso, lefelobonno, ditoro le dikago tsa polase.
Tshimo nngwe le nngwe mo polaseng nngwe le nngwe e ka bewa leitlho mabapi le ditsenngwateng tsa tota tse di latelang: bogolo jwa tshimo, botengmmu, mofuta wa mmu, monono wa mmu, diphetogo tsa seemo mo dingwageng di le mmalwa, (fa di le teng go tswa dipholong tsa ditekommu), dithefosanyodijalo le thulaganyetso ya thefosanyodijalo, sejalo se se jetsweng la bofelo foo, matlhajalo a teng, mofutapeo, kelopeo, palogare ya pula, pula e e amogetsweng mo pakeng ya fa go sa lengwa pele ga sejalo sengwe le sengwe se jalwa, pula e e amogetsweng mo pakeng ya go gola, taolomofero e e dirisitsweng (go akaretsa dikhemikale le kelotshelo e e fitlheletsweng le nonofo ya teng), dibolayatshenekegi le nonofo ya tsona, thobo le boleng jwa dijalo.
Ditshenyegelo tsa monontsha ke nngwe ya ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tsa tlhamalalo e kgolo mo lenaneong la jalodijalo. Tshelo e e nonofileng ya lenaneonontsho le le rulaganeng mo setlheng sengwe le sengwe le se se atlegileng e tlaa kaela ntshokuno ya thobo e e kwa godimodimo. Go botlhokwa thata go itse seemo sa mmu wa gago bogolo jang morago ga thobodijalo e e kwa godimo le lefetiso la pula e e amogetsweng mo dikgaolong dingwe e e kabong e minne dikotla dingwe tsa dimela tsa botlhokwa. Go hibila ka ntlha ya tlhaelo ya naeterojene le salefure go tlhageletse mo didikeng tsa temothuo di le mmalwa mo setlheng se se fetileng seno. Mo lebakeng la dijalo tsa palogare jaaka fa godimo, go tshwanetse go busediwe dikotla tse di minnweng tse di lekaneng go netefatsa gore dijalo tse di latelang di tlaa fitlhelela thobo e e solofetsweng. Go tshwanetse ka jalo, go tsholwe se se mo tlhaloganyong go tsewe dikaommu go tswa tshimong ya korong nngwe le nngwe e e yang go tsenngwa mo ntshokunong le go romelwa go lekelelwa.
Go tshwanetse go latelwe dikgato di le mmalwa go netefatsa gore lenaneotekelelo la tshelollaeme e e utlwalang le la nontsho le tlaa tshwanela ditiro tsa temothuo tsa gago. Tse, di akaretsa tseo le tlhokomelo e e tshwanetseng ya dikaommu, ditsamaiso tsa tekelelo tse di maleba, dikaelo tse di tlhotlhomisitsweng sentle go tlhalosa dipholo, tlhamo ya dikatlanegiso tsa kelodikotla e e nepagetseng le kgokaganyo ya dipatlego tsa dikotla tsa dijalo tse di atlanegisitsweng go tlhama lenaneo la tsamaiso la dikotla le le akaretsang.
Maiteko a tekelelommu ke go fopholetsa kgono ya mmu go tlamela dijalo tse di golang ka dikotla tse di tlhokegang le go dupa mathata a mmu afe le afe a a ka kgoreletsang kgolo le tswelelopele ya dijalo e e nonofileng. Ka kakaretso dijalo di ikaegile thata ka dikotla tse di tlamelwang ke monontsha go ya jaaka dilekanyo tsa ditekelelommu di oketsega. Tekelelommu ya diteng tsa mmopa le yona e letla kelo ya dibolayatlhatshana e e nepagetseng mo lenaneong la taolomofero.
Go botlhokwa go tsaya sekao se se akaretsang go tswa tshimong e nngwe le e nngwe. Heketara ya mmu o o metilweng wa go fitlha boteng jwa 15 cm e bega ditono di ka nna 2 400 go ya ka temogo, kgobokano le katisegelo ya mmu. Sekao sa bofelofelo se se romelwang kwa laboratoring se ka bega 0,5 kg eo kwa bofelong go ka feleletsang go sekasekwa digerama di sekaenyana fela. Ka jalo go botlhokwa thata go kgaoganya masimo a a nang le botengmmu le mefutammu tse di farologaneng gape dikgaolo tse di emeng tshimo yotlhe mo masimong. Go sa ntse go tlwaelegile gore bantshakuno ba nontshe ka dikelo tseo ka gale di khaliboreitiwang boloko jotlhe jwa masimo kwa ntle ga gore sediriso sa "satellite tracking" (GPS) le dimekheniseme tsa monontsha tse di farologaneng di bo di mametleletswe mo polantereng.
Ka jalo tekelelo ga e botoka go na le sekaommu se se tserweng mo tshimong. Gakologelwa gore go na le pharologano e e boitshegang mo mmung mo masimong. Mo malobeng sekaommu se se tserweng go tswa mo diheketareng di le lesome dingwe le dingwe tsa boloko ya masimo se ne se tsewa se lekane. Fela le gale go botlhale go reka kgotsa go adima borommu ya barele le go tsamaya o nyokanyokela le tshimo yotlhe go tswa kwa godimo go ya tlase, o na le batho ba babedi, yo mongwe a tshotse kgetsi ya sekao sengwe le sengwe le go tsaya pelo mo botennye jo bo seng magareng ga 15 le 20 cm fela jo bo sa feteng 20 cm.
Lebokoso la sekao le tshwanetse go tshwaiwa ka botlalo ka nomore ya tshimo, leina, aterese ya polase, nomore ya mogala le letlha la tseosekao go efoga go ka nna teng ga tlhakatlhakano mo laboratoring. Go botoka thata go feleletsa se kwa tshimong gore go seka ka gope ga nna tsiakanyo ya dikao. Dikaommu ga di a tshwanela ka gope go tsewa mo mafelong a a sa tshwanelang jaaka ditlhofi, diforo tse di suleng, dikgaolo polokelo tsa setoroi se se bodileng kgotsa tse di gogotsweng.
Ga jaana go a kgonega ka setegeniki go dirisa GPS go tlhaola dintlha mo thulaganyong ya "grid" mo dintlheng tse di kgabaganyang tsa 0,5 go ya 4 m mo thulaganyong ya "grid" kgotsa ya phatlalatso ya dikao mo thulaganyong ya "grid". Jaanong dikao di ka nna tsa nna tsa tshwantshanngwa gangwe le gape mo isagong mme diphetogo tse di farologaneng mo mabakeng a monono wa mmu di ka bewa leitlho ka nepagalo sentle fa nako e ntse e ya. Deitha ya dipholo e ka fitlhelelwa ka "Ground Information System" (GIS) gore tšhate ya mmala ya tshimo e kgone go bontsha pH, khalesiamo, makenisiamo, fosefeite, salefore, naeterojene, dikotlannye le dipharologano tsa ditekelelommu tse dingwe e kgone go tlhagisiwa, e e nayang setshwano sa pharologano kgotsa selekano sa bothata jo bo rileng mo tshimong. Mo dikgaolong di le dintsi disenthaphaefote di bewa leitlho ka mokgwa wa "grid" mo heketareng go ya ka boloko.
Nako e e siameng ya go tsaya sekao ke fa o ka kgona go tsaya nako go dira tiro e e matshetshe, ke fo o ka kgonang go dira katlholo ya pono ya go kgaoganya tshimo ka dikarolwana tsa tseosekao tse di tshwanang, le ka yona nako e ngwaga le ngwaga morago ga thobo kgotsa mo ntlheng e e tshwanang mo thefosanyodijalong. Go a thusa ka gale go romela dikaommu go tlhatlhobiwa fa dilaboratori di sa semelela. Togamaano e tshwanetse e nne ka nako go dira togamaano ya kgwebo e e feletseng le go dirisana le bagakolodi ba ba dirang dikatlanegiso tsa monontsha.
Bona gore sephuthelo sa sekaommu sengwe le sengwe se bontsha sentle tshimo le sekao ka palo e e tlhaolegileng, le gore diphuthelo di tswetswe, ga di mo mogoteng o mogolo, mme di mo lefelong le le tsiditsana le go romelwa kwa laboratoring ka bonako jo bo kgonagalang fela morago ga go tsewa.
Tlhopha laboratori eo gangwe le gape e tlhatlhobelwang tlhatlhobo ka sewelo ya tekelelo ya khaloboreišene ya bokgoni jwa tekelelommu ke Mekgatlho ya Akeronomi. Dintlha dingwe go ka lejwa ke dipholo tsa kanoko tse di nepagetseng, mekgwa ya tekelelommu e e maleba, tirelo e e siameng jaaka poeletso ya diphoso tse di belaetsang, nako e e bonako ya paakanyo, kgono ya go busa dipholo tsa tekelelo seileketeroniki, ditshenyegelo tsa tirelo, le go itetla go nna le ditsela tsa tlhaeletsano e e edileng magareng ga gago kgotsa mogakolodi wa gago le badiredi ba laboratori. ARC ya kwa Bethlehem e fitlhelela dipatlego tse; fela dilaboratori tse dingwe di ka dirisiwa fa go batlega tekelelo ya salefore.
Dilaboratori di le dintsi di na le "basic basket" ya ditekelelo tse gale di dirwang jaaka tekelelo ya tlwaelo ka tlhotlhwa e e utlwalang fa go tshwantshanngwa le bomosola jwa dipholo.
Tsweetswee netefatsa gore o tsaya dikaommu mo masimong otlhe a o akanyang go a jala korong - gakologelwa gape go tlhokomela pH ya mmu ka gongwe go ka tlhokega go tshela llaeme pele o jala.
<fn>PulaImvula. PlanningMaize.2010-02.tn.txt</fn>
Ga o ka ke wa tsoga fela moso wa letsatsi lengwe le go swetsa go jala dijalo. Go ntsha dijalo sekgwebo go tlhoka selekanyo sa togamaano se se kwa godimo.
O rulaganya go jala eng mo setlheng seno?
Go dintlha di le mmalwa tse di tlhokang go akanngwa pele potso e e ka arajwa.
Matlha a go wa ga serame a a solofetsweng.
Pula e e solofetsweng.
Boteng jwa mmu.
pH le dilekanyo tsa peto ya esete mo mmung.
Go nna teng ga ditsenngwateng tsa ntshokuno.
O tlaa bona kae matlole a gago?
Ntshokuno ya dijalo e simolotse go tura mo go boitshegang mme ditshenyegelo tsa ntshokuno ya lefatshe le le omileng di mo kgaolong ya R5 000 ka heketara.
O ka dira kae kopo ya kadimo ya ntshokuno?
Kelomorokotso ya teng ke bokae?
Paka ya kadimo ke nako e e kae?
Fa o ka bona kadimo, a lotseno go tswa thekisong ya dijalo lo tlaa bo lo lekane go busa kadimo?
Ke tshireletsomolato efe e o ka e nayang setheo sa kadimo Gakologelwa gore batho le ditheo tse di adimisanang ka madi di dira se jaaka kgwebo ya tsona mme di batla go dira poelo mo mading ao. Poelo e ba e dirang mo kadimong e e bonwa go tswa morokotsong o o duelwang. Ga go ope yo o batlang go latlhegelwa ke madi ka jalo moadimi o batla go netefatsa gore moadingwa o tlaa busa kadimo jaaka go dumelanwe?
Madi a tlaa nna teng leng Se se ka utlwala e se ntlha ya botlhokwa, fela mo ntshokunong ya dijalo, paakanyo ya mmu e simolola dikgwedi pele sejalo se ka jalwa. Fa madi a ka tla thari, masimo ga a na go baakanngwa go lekane mme montshakuno a nne mo kotsing ya thobo e e sa itumediseng?
O tlaa rekisa jang dijalo tsa gago?
Fa o lemela fela go ja, gona mmaraka ga se bothata. Fela le gale fa o simolola go ntsha dijalo go rekisa, o tlhoka go akanya ka thekiso ya dijalo.
Ke mang yo o tlaa rekang kuno eo?
Go solofetswe tlhotlhwa e e ntseng jang?
Dithoro di tlaa fitlha jang kwa mmarakeng?
Ke mang a tlaa rorang dijalo?
Ke mang a tlaa duelelang thoro ya dijalo?
Tshugommu ya motheo e botlhokwa thata, mme se se botlhokwa le go feta ke gore ditiro tsotlhe tsa tshugommu di dirwe ka nako e e siameng.
Totatota maitlhomo a tiro ya tshugommu ke afe?
O tlaa simolola leng go suga mmu?
Go tlaa dirisiwa sediriso sefe?
Ka boteng bofe?
A o na le maatlakgogo a terekere a a lekaneng go dira ditiro tsa tshugommu tse di tlhokegang?
Maemo a didiriso ke afe, le gona di ka dira jang?
Totatota maitlhomo a tshugommu ke afe?
O tla simolola leng go dira tshugo e?
Go tlaa dirisiwa sediriso sefe?
Maemo a didiriso ke afe le gona a di ka dira tiro?
O tlaa reka kae peo ya gago?
Ke mang a tlaa go gakololang ka peo e e nepagetseng?
A o akantse ka boleele jwa setlhakgolo le go rulaganya peo sentle?
Go siame go jala dimela tse kae ka heketara?
A o tsere dikaommu?
A o amogetse dipholo tsa tshekatshekommu?
A mongwe o dirile dikatlanegiso tsa monontsha tse di nepagetseng mo tshimong nngwe le nngwe tsa sejalo sengwe le sengwe se o yang go se jala?
A katlanegiso ya monontsha e tsamaelana le kabelelothobo ya gago?
O ya go dirisa monontsha ofe?
O tlaa bo o dirisa dikhilogeramo tse kae ka heketara?
A polantere e ka khaleboreitiwa go ya dikemong tse di nepagetseng A o ka fitlhelela dipolata, dikere le diseporokete tse di nepagetseng?
Bopharamela jo bo eletsegang jwa gago ke bokae?
Go reng o sweditse ka bopharamela joo?
Fa e le gore o ya go tlhagolela dijalo morago ga tlhogo, a setlhagodi se ka dirisiwa mo bopharamoleng joo?
O tlhoka dipalopalo tsa dimela tse kae?
O rulaganya go tshela monontsha o o kae?
A o ka khaliboreita polantere ka bowena, kgotsa o tlaa thusiwa ke mang ka khaliboreišene?
O rulaganya jang go laola mofero mo dijalong tsa gago?
A o na le setlhagodi?
A setlhagodi se setetswe ka bopharamela jo bo tshwanang le jwa polantere?
A meno a setlhagodi a setilwe ka nepagalo?
A o na le sekgatshi?
A dikarolo tsotlhe tsa sekgatshi di mo maemong a tiro a a siameng?
Ke mang a tlaa khaliboreitang sekgatshi?
Go tlaa dirisiwa dikhemikale dife?
Go tlaa tshelwa bokanakang jwa khemikale efe?
Dikhemikale di tlaa tshelwa ka kgato efe ya modiko wa ntshokuno ya dijalo?
A mmu o bongola mo go lekaneng go kgontsha tlhogo?
Peo e tshwanetse go jalwa boteng jo bo kae?
A tota o latlhela palo e e nepagetseng ya peo ka mmitara?
A tota o tshela dikhilogeramo tse di nepagetseng tsa monontsha ka heketara?
A o tshetse dibolayatlhatshana le dibolayatshenekegi jaaka o rulagantse?
Morago ga jalo e weditswe, a polantere e phepafaditswe le go bolokwa sentle?
Morago ga kgatsho e weditswe, a sekgatshi se phepafaditswe le go bolokwa sentle?
Ke nontshogodimo efe e e tla tshelwang?
E tlaa tshelwa leng?
Go tshwanetse go tshelwe e e kana kang?
Fa e le gore o ya go nna montshakuno wa mogwebi yo o siameng, o tshwanetse go dira ka natla, mme o dire ka botlhale! O tlhoka go rulaganya, o rulaganye, o bo o rulaganye, mme o dire sengwe le sengwe ka nepagalo le ka nako.
<fn>PulaImvula. Plans(maize).tn.txt</fn>
Gangwe fela fa ditogamaano tsa ditiro tsa isagwe di koneseditswe le metswedithuso ya popego le setho e rulagantswe, go tshwanetse go netefadiwe tiragatso ya ditogamaano go ya ka kemo e e tlhokegang.
Tiragatso ya dikgato le ditiro tse di rulagantsweng di totisitswe maitlhomo a kgwebo. Ka jalo go tlaa bo go se botlhale go nna kelotlhoko e kgolo mabapi le togamaano le thulaganyo, o bo jaanong o itlhokomolosa tiragatso. Fela jalo katlego ya tiragatso e ka kgorelediwa le togamaano le/kgotsa thulaganyo e e bokoa. A re eleng tlhoko tiragatso e le tiro ya tsamaiso ya boraro.
Mo mabakeng a tiriso le kumako kwa dikgannyaneng tsa maloba ka togamaano (Pula ya Seetibosigo) le ka thulaganyo (tsebe 4), fa letsatsi le goroga, sekao 9 Motsheganong 2011, se se eng se logetswe maano le go rulaganngwa se tshwanetse go diragadiwa.
Tlholela tshimo 5.
Buka ya direkoto.
Weditswe - gago bolwetse jo bo bongweng.
Roba tshimo 3, diheketara tse 10.
Badiri ba nakwana ba 2.
Diterekere tse pedi le ditereilara.
Go weditswe diheketara tse 9.
Tlhola dilatso le dijophepo.
Fusetsa, tshwaya, dousa le go kala dinamane tse 100.
Moloto, Abram, Kagiso le Hendrik.
Pitse, buka ya direkoto.
Pitse, buka ya direkoto.
Mogotlha wa dikgomo, ditshupi tse di tshubang, melemo, didiriso tsa go dousa, sekale le buka ya rekoto.
Dikgomo di siame.
Digopo tsa dijo mo kampeng 3 di tladitswe.
Dinamane tse 100 le ditiro tse dingwe di weditswe.
Baakanya ntlo 3 (tlosa motshetelo o mogologolo).
Ntlo 1 le 2.
Johanna, Minah, Johannes.
Sarah, Monica, Dawid.
Disekupa, dikgetse, le tereilara.
Didiriso tsa diatla tse di sa tshwaragang.
Ntlo e baakantswe.
Ditiro tsa letsatsi le letsatsi di dirilwe.
Rakonteraka wa poraefete.
Dithulusu tsa gagwe.
Tiro e tswelela sentle.
Tiragatso e dirwa ka kgethego ke lefapha la metswedithuso ya setho kgotsa badiredi ba kgwebo mma ba tshwanetse go tlhagafadiwa go diratiro ka bononofi. Gore tiragatso e atlege ka tota, go batlega ka bojotle mo go motsamaisi go ineela mo ditirong tsa botsamaisi tse dingwe tsa gagwe, e leng boeteledipele, tlhaeletsano, thotloetso, tholelotiro, kgokaganyo, go tsaya ditshwetso le go tsweletsa tiragatsotolamo.
Go tsamaisa ka katlego tirego ya tiragatso go tlhokega boeteledipele jwa selegae jo bo nonofileng go tsa botsamaising le mekgwa e e botoka ya go diragatsa maano e tshwanetse go tswelelwa go batliwa. Batsamaisi ba tshwanetse go etelela pele mo tiregong ya tiragatso, e seng ka go dira tiro ka bobona mme e le ka go tlhagafatsa badiredi ba gagwe. Go tlhagafatsa badiredi, ba tlhoka gore ba bo ba rotloeditswe. Botsamaisi bo tshwanetse bo dire batho go dira se ba tshwanetseng go se dira kabojotlhe jwa kgono ya bona. Mo nakong ya tirego ya tiragatso kaelo e e tlhokegang e tlhoka go tlamelwa ke botsamaisi, e thusa go tlhagafatsa batho.
Tlhaeletsano e e tlhapileng ke ya botlhokwa thata go dira katlego ya tirego ya tiragatso ya maano a a bonelwang pele. Ditaelo di tshwanetse di tlhape le go totobala. Mongwe le mongwe yo o amegang mo tiregong ya tiragatso e e kgethegileng tshwanetse go itse gore mang o tshwanetse go dira eng, leng, ka kemo efe le kwa ba teng.
Ka nako ya tiragatso tholelotiro e botlhokwa. Motsamaisi ga a ka ke a dira sengwe le sengwe ka boena. Bogolo jwa tholelotiro bo tlaa laolwa bogolo ke bogolo jwa kgwebo le/kgotsa tiro e e kgethegileng. Go tlaa laola gape gore a botsamaisi bo batla go ipona boa mega thata mo tiregong ya tiragatso; kgotsa bo emetse fale bo dira ka seemo sa kgakololo ya tsamaiso.
Go botlhokwa go ela tlhoko kgokagano e e lolameng magareng ga dikarolo. Gore katlego ya tiragatso e kgonege, dikere tsa kgwebo di tshwanetse go tsamaya lwêêlwêê. Fa kgolagano e ka kgoreletsega, go tlaa senngwa nako ka jalo le madi. Gakologelwa lotseno - ditshenyegelo = poelo kgotsa tatlhegelo. Go tswa sekaong sa rona fa e ka re ka Musopologo phakela melemo yago dousa dinamane e bo e seyo, tiragatso ya tiro eo e tlaa diegisiwa.
Mo tirisong, go tle go tlhokege go tswa botsamaising go tsaya ditshwetso ka potlako go tshola tiragatso e tsamaya lwêêlwêê. Fa terekere e ka phontšha fa e roba, bothata bo tlaa rarabololwa jang Dirisa terekere e nngwe?
Go tsweletsa tiragatsotolamo ya badiredi ka dinako tsotlhe ke ya botlhokwatlhokwa go enetefatsa tiragatso e e lolameng. A tiro e e dirwang ya kemo e e kwa tlase ga e e beilweng e a amogelesega Fa tiragatsitolamo e e sokameng e ka se kgalemiwe ka mokgwa o o lolameng, e ka kgoreletsa setlhogo sa dikgato tsa tiragatso?
Mo tirisong go tlwaelegile gore go tlaa nna le ditiro tse di fetang bongwe tse di tshwanetseng go dirwa mme gakologelwa gore dikgato tse di sa solofelwang di ka tlhagelela - melelo ya naga, poo ya botlhokwa ya gago e tshwerwe ke seretse kwa mogobeng! Ka maitemogelo re itse gore ga se dikgatso kgotsa ditiro di ka Amogelang kelotlhoko kanako e le nngwe. Tshwetso e tshwanetse go tsewa gore ke dikgato/ditiro dife tse di tlhokang tlhokomelo thata - ke yona tlhomo ya ditlapele.
Ditiro kgotsa mmereko tse di nang le tshusumetso mo lotsenong le/kgotsa ditshenyegelong le/kgotsa tse di amang badiredi bag ago, sekao, fa ba tlhoka go dira nako e e feteletseng, di tshwanetse go tsewa e le tsa botlhokwa.
Botlhokwa jo bo kwa tlase/potlako e e kwa tlase.
Ditiro le mmereko wa botlapelo jo bo kwa godimo di ka tsewa jaaka ditiro tsa botlhokwa jo bo kwa godimo/potlako e e kwa godimo. Botlhokwa jo bo kwa godimo bo supa gore tiro e ka nna tshusumetso mo lotsenong - fa e ka dirwa ka potlako e tlaa oketsa lotseno 0 fa e sa dirwe e ka isa lotseno kwa tlase. Kgotsa e ka nna mmereko o o ka amang ditshenyegelo bosula. Fa e sa dirwe ka potlako e ka oketsa ditshenyegelo.
Potlako e tsamaisana le nako e o nang le yonago ka dira tiro e e rileng - e tshwanetse go dirwa ka potlako/gompieno kgotsa e ka dirwa moragonyana. Fa o tshwaragane le go roba dijalo, mme wa bo o itemogela pheilo ya semotšhine, paakanyo ya sediriso kgotsa terekere, e tlaa tsewa jaaka tiro ya botlhokwa jo bo kwa godimo/potlako e e kwa godimo - botlapele jo bo kwa godimo. Fe la jalo le ka kgomo e faretsweng, bogolo jang fa e ka nna nngwe ya dikgomo tseo setuti tsa gago. Go faela go go dirwang mo ofising go tlaa tsewa jaaka tiro ya botlhokwa jo bo kwa tlase/potlako e e kwa tlase, kgotsa botlapele jo bo kwa ltase, e ka dirwa moragonyana.
Ka jalo go a tlhokega e bile go botlhokwa thata go fitlhelela maitlhomo otlhe a kgwebo ya gago, go nna matsetseleko mo tiragatsong ya maano otlhe go ya ka kemo e e tlhokegang e e tlhomilweng.
<fn>PulaImvula. PlanterMaize.2008-10.tn.txt</fn>
Kitso ya gago ya dikarolwana tsa polantere tse di farologaneng e nonofile go le kae Ikgakolole ka go buisa kgannyana e, foo dikarolwana tse di farologaneng tsotlhe di bontshiwang le go tlhalosiwa?
Se ke foreime eo yunite ya polantere e mametleletsweng mo go yona, gammogo le kgokagano ya polantere le terekere.
Tse ke dioledi tsa peo le monontsha. Di ka dirwa ka polasetiki e e popota kgotsa mmetale.
A ke maotwana a polantere e tsamaisiwang ka ona.
Se ke leotwana le le tsamaisiwang ke go kgomana le mmu mo polantereng e e tsamayang. Leotwanakgweetso le le tsamaya ka lebelo la terekere. Maitlhomo a leotwanakgweetso ke go tsosolosa mekheniseme ya polantere - dimekheniseme tse di lekanyang peo le monontsha.
Gore go kgonwe go setela lebelo la dimekheniseme tsa peo le monontsha, go dirisiwa thulaganyo ya dikere tse di nang le ditšheine le diseporokete. Dikere le ditšheine tse di ka gokaganngwa ka dirašio tse di farologaneng gore go fitlhelelwe ditshetelo tse di batlegang.
Go na le dipolata tsa mefuta e e farologaneng tse di farologanang ka bogolo le popego go ya fela ka sejalo se se jalwang gammogo le bogolo jwa dipeo (kwa ntle ga polantere ya mowa).
Se gantsi se fa pele mo polantereng mme ka gale se fitlhelwa mo dipolantereng tsa-go- sa-lemeng gotlhelele (no till) foo go nang le dibodi tse dintsi mo godimo ga mmu.
Tsona di tshela mmu mo godimo ga peo e e jetsweng le monontsha.
Ano ke maotwana a mannye kwa morago mo polantereng mo moleng mongwe le mongwe a a tshwanetseng go gatelela mmu le go netefatsa kamano e e siameng ya peo le mmu.
Se se ka nna le kgatelelomowa e e siameng (positive) kgotsa e e sa siamang (negative).
<fn>PulaImvula. PlanterOpot.2008-10.tn.txt</fn>
Maitlhomo a polantere ke go tsenya peo le monontsha mo mmung ka nepagalo ka fa go ka kgonegang, e le go netefatsa gore go nne le tlhogo e e siameng ya kelojalo e e feletseng ka tshelo e e nepagetseng ya monontsha o o batlegang.
Kamano magareng ga peo le mmu o o bongola.
Polantere e thuba mmu, e bula mmu, e bo e jala peo mo lefarong leo, e tshela mmu mo godimo ga peo le go kata mmu go le gonnye go netefatsa kamano e e siameng magareng ga mmu o o bongola le peo.
Go na le palo ya mefuta e e farologaneng ya dipolantere fela kgopolotheo ya motheo e a tshwana - go na le yunite e e bulang mmu, mokgwa wa go tshela monontsha le mokgwa wa go nopola peo le go e jala (latlha) ka kelo e e eletsegang.
Dintlha tsa botlhokwa dingwe go di gopola.
Gale monontsha o tshelwa pele mo mmung pele ga peo - se se tlhomamisa gore peo le monontsha ga di kgomane ka se se ka nna le tshusumetso e e maswe mo tlhogong.
Ka ntlha ya lona lebaka leo, monontsha o tshelwa kwa tlase ga peo. (Yunite e e thubang mmu go tshela monontsha e telejana mme e segela mmu kwa tennyana. Yunite ya peo e khutshwane le go nnela fa thoko ka jalo e latlha peo gaufi le boalogodimo jwa mmu).
Mmu mongwe o wela mo godimo ga peo morago ga kgato ya go jala, fela go sa ntse go ka nna diphatlha dingwe tse di setseng magareng ga dikarolwana tsa mmu. Gore go netefadiwe gore go na le kamano e e siameng magareng ga mmu le peo (e le go netefatsa gore peo e tlaa monyela bongola le go mela), go ka nne ga tlhokega go dirisa kgatelelo ya mofuta mongwe go tiisa mmu. Maotwana a a dirisiwang go fitlhelela maitlhomo a a bidiwa maotwanakgatelelo.
<fn>PulaImvula. Practice.2008-04.tn.txt</fn>
A o diragatsa se re se rerang?
Byline : Jane McPherson, Motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA.
O ka bolelela motho ka ga sengwe, fela fa a sa battle go se diragatsa ga o ka ke wa mo pateletsa. Mo ngwageng o o fetileng go feta batho ba le 2000, ba tsenetse dithuto katiso tse di tlhagisitsweng ke lenaneotlhabololo la balemirui la Grain SA. Gongwe jaanong ke nako go ipotsa - katiso e e na le tshusumetso efe mo mekgwatirisong ya temothuo ya balemirui?
Fa e le gore o kile wa tsenela khoso ya tshimologo ya ntshodikuno (mmidi, sonobolomo kgotsa mabele), tsweetswee ipotse dipotso tse di latelang?
Ke ntsha dikuno tsa me mo mofuteng ofe wa mmu?
Ke ne ke jetse diheketara di le kae?
Boteng jwa tota jwa mmu wa me ke bokae?
Seemo sa pH ya mmu wa me ke sefe?
Seemo sa dikotla tsa mmu ke sefe (N, P le K)?
Pula ya ngwaga e e solofetsweng mo kgaolong ya me ke bokae?
Mo ngwageng o o siameng ke ka solofela go roba thobo e e kana kang mo kgaolong ya gaetsho?
A keng a le legogo la temo mo masimong a me?
Ke ne ke jetse sejalo sefe, mme a e ne e le tlhopho e e siameng?
Ke nako efe e e siameng go jala sejalo sa me le gona ke eng e le nako e e siameng?
Ke sweditse jang gore ke monontsha ofe o ke tshwanetseng go o dirisa le gore ke tshele bokae?
Ke ne jetse mofutapeo ofe, le gona ke eng se se dirileng gore ke swetse jalo?
Phopholetso ya palopalo ya dimela tsa me e ne e le bokae?
Kwa bofelong ke fitlheletse palopalo efe?
Ke ne ke rulagantse go tshela monontsha o o kana kang, gona ke fitlheletse eng?
Ke dikgato dife tse ke di tsereng go laola disenyi le malwetse mo dijalong tsa me?
Taolomefero ya me e ne e le jang?
Ke mefero efe e e leng bothata mo masimong a me?
Ke dirisitse bokae go ntsha dijalo?
Ke fitlheletse tlhotlhwa efe ka tono mme e ne e tshwana jang le tse dingwe?
Dijalo di njetse bokae ka heketara?
Dijalo di njetse bokae ka tono?
Morago ga go roba dijalo tse, ke rulaganya go jala eng mo tshimong eo ngwaga o o tlang?
Ke ya go tsaya kae matlole a sejalo se se latelang?
A diterekere tsa me di lekane go bereka kgaolo e ke e berekang?
A ke tlaa kgona go dira kgaolo yotlhe ka nako e e siameng?
A ke na le didiriso tse ke di tlhokang go ntsha dijalo?
Fa o sa kgone go araba dipotso tse, gongwe o tshwanela go buisa kaedi ya gago kgotsa go tsenela thuto e nngwe. Tse ke dipotso tsa motheo mme fa e le o batla go nna molemirui yo o tswaletseng pele o tshwenetse o kgone go araba dipotso tse ka bowena.
A o na le lefatshe?
Ke mang yoo lemang mo lafatsheng la gago?
Dithulaganyo tsa gago tsa tiriso ya lefatshe le mo isagong ke dife?
Ipotse dipotso tse tswetswee, gore o tle o bone karabo e e tlhapileng mabapi le tlhabololo ya gago jaaka molemirui - a o tota o batla go nna molemirui kgotsa o batla go dira lotseno ka lefatshe la gago ka go nna mohirisalefatshe yo o sa nneng mo go lona?
<fn>PulaImvula. Price(maize).2011-09-27.tn.txt</fn>
Dikgannyana tse di fetileng mo go Pula/Imvula, di totobaditse dikgato tse di tlhokegang mo go swetseng gore ke motswako ofe wa dijwalo tsa selemo o o tshwanetseng polase ya gago, go tsewa tsia togamaano ya metswedithuso, kgonommu, togamaano ya thefosanyodijalo le ditlhotlhwa tsa mmaraka tsa isagwe. Pula/Imvula ya kgwedi e, e tlaa gatisa metseletsele ya dikgannyana tse di amang bantshakuno ba ba sweditseng go akaretsa mmidi mo setlheng sa selemo se se tlang sa ntshokuno ya dijwalo.
Ditlhotlhwa tsa isagwe tsa mmidi o mohibidu le o mosweu di ne tsa gwalalanyana mo go Phatwe 2011, ka seemo sa ditlhotlhwa tsa isagwe sa R 1 840 sa mmidi o mohibidu le sa mmidi o mosweu sa R 1 815, sa kgoroso ya mmidi mo go Phukwi 2012. Ka jalo re ka berekela mo go R1 615 ka tono ya mmidi go ka tsena mo kgwatlheng ya montshakuno ka tlhotlhwatuelelo ya thoro ya R215 go ya R225 ka tono.
Bolengtlhotlhwa jwa mmatota jo bo bonweng jwa mmidi jo bo romelwanG ntle ka puo ya molomo bo akanyediwa go ka nna R 1 717 ka tono. Se se itsege jaaka tlhotlhwatekanyo ya thomelontle e e akanngwang. Bolengtlhotlhwa jwa mmatota jo bo bonweng go romela mmidi teng bo ka nna R 2 894 ka tono go gorogela kwa Randfontein. Se se itsege jaaka tlhotlhwatekanyo ya thomeloteng e e akantsweng. Re ka dumelana ka jalo gore tlhotlhwa ya selegae ya gajaana le isagwe e thaetswe mo botengtekanyo jwa thomelontle.
Se se supa gore go sa ntse go na le lefitiso la mmidi mo mmarakeng wa selegae wa rona le gore go na le keletso e e siameng malebana le go nna teng ga mmidi mo setlheng se se latelang. Tlhomamiso ya tlhotlhwa e tsaya tsia dintlha tsa ntshokuno tsotlhe jaaka maemo a tlelaemete le a mmu, patlego ka badirisi, setoko se se gona le mmidi o o sa ntseng o tshwanetse go gorosiwa, kelokananyo le dikelomorokotso tsa selegae mo khepetleleng e e adimilweng, ga reng ga tse dingwe.
Boleng jwa mmidi wa bofelo go gorosiwa kwa difaleng go tswa bantshakunong, bo ka tswa bo le kwa tlase ka ntlha ya dipula tse dintsi tse di amogetsweng mo setlheng sa thobo mme gape bo ka tlhola gore ditlhotlhwa tsa fa tshimong tsa mmidi wa boleng jo bo siameng di tlhatloge. Gakologelwa ka gale gore dintlha tsotlhe tse di ka fetoga ka nako eo mmidi o tlaa robiwang ka yona ngwaga o o tlang ka Phukwi 2012.
<fn>PulaImvula. Price.2007-12.tn.txt</fn>
Sakkie van Zyl, Raikonomi, Market research, Commodity Servicing, Grain SA.
Go bokete go dumela gore tlhotlhwa ya korong ya Safex ya Tlhakole 2007 e ne e sa ntse e le ka fa tlase ga R1880 tono, morago ga gore tlhotlhwa e bo e ne e tsholetsegile ka R 3460 tono ka 18 Lwetse.
Le fa e bile tlhatlogo ya tlhotlhwa e ne e siame, go ya ka tebo ya montshadikuno wa dithoro, bantshadikuno ba ba boetsweng mo tlhatlogong e ke bao ba ba neng ba tshegetsa dingwe tsa dijalo tsa bona tsa 2006/2007 kgotsa bao ba ba neng ba tshotse diphosišene tsa pakatelele mo Safex. Ka bomadimabe, ke bantshadikuno ba se kae ba ba mo maemong a go tshegetsa dijalo tsa bona dipaka tse ditelele morago ga thobo, le go ipatlela mathata a ditlhotlhwa tse di kwa tlase. Bantshadikuno ba ka botsa: babatlisisi ba ne ba le kae Ke eng bantshadikuno ba ne ba sa newe kgakololo e e botoka?
Sebe sa phiri, tshedimosetso e e gona e e gaisang ka nako e e rileng, ga se yona ntlha fela e e ka netefatsang tshwetso ya thekiso e e siameng.
Go na le dintlha tse dingwe di le mmalwa, gongwe maemo a loapi e leng yona ya botlhokwatlhokwa thata, tse di nang le seabe mo tlhatlogong le kwelotlaseng ya ditlhotlhwa, e bile tse di ka se keng tsa bonelwa pele ka tlhomamo.
Lenaneo 1 le bontsha ditlhotlhwa tsa korong tsa lefatshe go tloga 2005, go akaretsa le diphopholetso tsa ntshodikuno ya lefatshe tsa setlha sa 2007, tse di dirilweng kwa bokhutlong jwa Tlhakole, gammogo le dintlhakakanyetso tsa fa gautshwane. Ntshodikuno ya lefatshe ya setlha sa 2007 e kabakanyediwa go nna ditono di le dimilione tse 623,7, ka ntlha ya koketsego ya kgaolo e e jetsweng, e e solofetsweng, le thobo e e solofetsweng go boela mannong. Fa phopholetso e ka bo e fitlheletswe go ka bo go ntse ditono di le dimilione tse 33.5 (6.7%) tsa korong tse di leng mo mmarakeng mo setlheng sa 2006. Ka tiriso ya lefatshe e e ka nnang ditono di le dimilione tse 620, go ka bo go ntse korong e e fetileng e e batlegang mo mmarakeng go fitlhelela patlego.
Lenaneo 1: Ntshodikuno ya korong lefatshe ka bophara (ditono di le dimilione).
Motswedi: Boto ya Dithoro ya Boditshabatshaba.
Ka ntlha ya maemo a loapi a a sa siamang, dinaga tse di ntshang korong tse di botlhokwa tse di farologaneng di fokoditse diphopholetso tsa dijalo tsa tsona makgetlo a le mmalwa mo setlheng sa 2007, mme kwa bokhutlong jwa Lwetse 2007, ntshodikuno e e fopholediwang e ne e le ditono di le dimilione tse 601,4. Se ke ditono di le dimilione tse 22,3 kwa tlase ga phopholetso ya Tlhakole 2007 - se se tlhodile koketsego e e gakgamatsang ya tlhotlhwa ya korong ya boditshatshaba.
Kerafo 1: Kgwedi ya konteraka e e gaufi ya Safex, le tlhotlhwa "free-on-board" ya Argentina le USA Hard Red Wheat (ka Didolara tsa USA/tono): Polokelo ya detha ya Boto ya Dithoro ya Boditšhatšhaba, Safex le Grain SA.
Tlhotlhwa ya korong ya Argentina e ne e gweba ka $177/tono mo go Tlhakole, 2007 mme e sa tswa go tlhatlogela go $355/tono (Kerafo1). Se ke koketsego ya $158/tono kgotsa 89%, le e bile go ntse le tlhatlogo e nnye mo dijalong tsa Argentina go tloga ka dikabakanyetso tsa Tlhakole. Tlhotlhwa ya "free-on-board" ya USA Hard Red Wheat mo Gulf le yona e bontshitse ditshupo tse di jalo, le mororo go ntse le koketsego ya ditono di le 1,5 milione mo dijalong tsa korong tsa Amerika go tloga bokhutlong jwa Tlhakole (Lenaneo 1).
Ka ntlha ya maemo a loapi a a sa itumediseng kwa Australia, Canada le European Union, dijalo di fokoditswe go boitshega, mme se se tlhodile phokotso e kgolo mo dipolokelong tsa korong ya lefatshe mo go 2007 - se gape se lerile kgatelelo mo tlhotlhweng go oketsega mo mmarakeng wa boditšhabatšhaba.
Kerafo 1 e bontsha gore tlhotlhwa ya Safex (ya kgwedi e e gaufi) e balwa ka $/tono e tsamaile jaaka tlhotlhwa ya boditšhabatšhaba ya korong mo go 2007. Go tloga ka Tlhakole, 2007, tlhotlhwa e oketsegile ka bokana ka $200/tono, fa e tshwantshamgwa le koketsego ya $158/tono ya korong ya Argentina, le koketsego ya $143/tono ya USA Hard Red Wheat.
Koketsego e kgolo thata mo tlhotlhweng ya korong ya selegae go ya ka dolara fa e tshwantshanngwa le tlhotlhwa ya boditšhabatšhaba, e ka tlhalos ka tlhatlogo mo ditshenyegelong tsa tefamorwalo ka sekepe. Mo go Tlhakole 2007, go ne go ja $43/tono go rwalela korong mo Aforikaborwa go tswa Argentina ka sekepe, le $48/tono go tswa Gulf go tla Aforikaborwa. Ka ntlha ya patlego e e golang ya thwalo ka sekepe, ditshenyegelo di batlile di imenaganya gabedi monongwaga. Gajaana go ja $73/tono go rwala korong go tswa Argentina ka sekepe, le $88/tono go rwala korong ka sekepe go tla Aforikaborwa go tswa maemelakepeng kwa Gulf (Kerafo 2). Go ya ka R6,58/$, koketsego ya ditshenyegelo tsa thwalo ka sekepe go tloga Tlhakole, 2007 ya R219/tono.
Motswedi: Boto ya Dithoro ya Boditšhabatšhaba.
Phokotsego e e solefetsweng ya ntshodikuno ya korong ya lefatshe e ntse le seabe sa botlhokwa mo koketsegong ya tlhotlhwa ya korong ya boditšhalatšhaba, le ka ntlha ya lebaka la gore Aforikaborwa o tshwanetse go romela teng nngwetharong ya patlego ya selegae, koketsego mo ditlhotlhweng tsa boditšhababatšhaba e isitse kwa koketsegong mo tlhotlhweng ya Aforkaborwa. Ditshenyegelo tse di oketsegetseng tsa tefamorwalo ka sekepe, di tsentse kgatelelo go ya pele mo tlhotlhweng ya selegae, ka di tlhodile koketsego ya mo teketekanong ya diromelwateng. Koketsego mo tlhotlhweng ya boditšhabatšhaba e sa ntse e supile gape seabesegolo se maemoloapi a nang le sona mo ditlhotlhweng tsa dikuno tsa temothuo. Jaaka re itse sentle thata, go thata go bonela pele gore Tlholego e tlaa dirang.
<fn>PulaImvula. Prices.2008-08.tn.txt</fn>
Ditlhotlhwa tsa dijo tse di tlhatlogang, bogolo segolo tsa dijokgolo, di tlhageletse thata mo pontsheng mo dikgwedinyaneng tse di mmalwa tse di fetileng, e bile badirisi ba iphitlhela ba kgamiwa ke tlhotlhwa ya borotho e e kwa godimo. Mabaka a a tlhagisiwang e le ona a bakang dikoketsego tseno ke tlhatlogo e e tshosang mo tlhotlhweng ya boditšhaba ya dithoto tsa temothuo gammogo le tlhaelo ya selegae ya dithoto tse.
Go tswa tshwantshanngong magareng ga ditlhotlhwa tsa konteraka tsa Safex le ditlhotlhwa tsa borotho tsa dikgwedi tse di tsamaelanang, go ka lemogwa gore tlhotlhwa ya korong e tlhatlogile ka lebelo thata go na le tlhotlhwa ya borotho (Kerafo 1). Go na le kgonagalo ya tlhatlogo e kgolo thata ya ditlhotlhwa tsa dijo mo dikgweding tse di tlang. Badirisi, ba gajaana ba setseng ba itshega menwana go leka go tshwaraganya, ba sa ntse ba tlaa tshwanela go itshoka le go feta mo dikgweding tse di tlang.
Kerafo 1: Tshupane ya tlhotlhwa ya borotho go tloga Ferikgong, 2000.
Metswedi: Grain SA, Safex le Statistics SA (Sagis Webpage).
Ka ntlha ya ditlhotlhwa tse di kwa godimo gajaana tsa dithoto tsa temothuo, bontsi jwa batho jo bo sa sedimosediwang sentle bo ithaya bo re ntshodikuno ya dithoro e na le poelo e e kwa godimo. Balemirui bao, ba ba kgonneng go tswelela ka temothuo mo dingwageng tse di mmalwa tse di fetileng, foo ditlhotlhwa tse di kwa tlase le maemo a leuba e neng e le sejo sa letsatsi, gajaana ba bone sebakanyana sa go hema. Fela le gale, ka ntlha ya koketsego e e tshosang ya ditshenyegelo tsa ditsenngwateng, kgonagalo ya ditlhotlhwa tsa dijo tse di kwa tlase e sala go nna toro.
Kerafo 2 e bontsha gore magareng ga 2004 le 2007, tlhotlhwa ya korong ga e a ka ya lepalepana le ditlhotlhwa tse di oketsegileng tsa disele le menontsha - seemo se se reketlang tota. Ditlhotlhwa tse di kwa tlase tse di bonweng mo dikunong, gammogo le ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa ditsenngwateng, di ntse le seabe se segolo mo go reng bantshadikuno ba bantsi ba bo ba tlhobogile ntshodikuno ya dithoro. Seemo se, se mpe thata mo karolong ya balemirui ba ba tlhabologang - ntshodikuno ya dithoro e tshwanetse gore e nne le dipoelo fa balemi ba bantšhwa ba tshwanela go tlhongwa ka katlego.
Dikoketsego tsa fa gautshwane mo ditlhotlhweng tsa dithoto di neile balemirui tsholofelonyana, fela ditshenyegelo tse di tlhatlogang tsa ditsenngwateng di buseditse maemo kwa a neng a le teng - balemi ba fitlhela go le bokete go ntsa dithoro mme ba dira poelo.
Kerafo 2: Tshupane ya tlhotlhwa ya yurea, disele le korong go tswa Ferikgong 2000.
Metswedi: Grain SA, Safex, Statistics SA (go tswa Sagis webpage).
Kerafo 3 e tshwantshanya tshupane ya tlhotlhwa ya ditsenngwateng jaaka yurea le disele le ditlhotlhwa tsa borotho le bupi jwa mmidi. Go itshupa sentle gore balemirui ba ne ba lebagane le ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tse di oketsegileng mo go boitshegang thata go feta ditlhotlhwa tsa dijo tse di oketsegileng tse badirisi ba lebaganeng natso. Motseletsele wa boleng wa dithoro o tlaa tshwanelwa ke go dira ka tsela e nngwe gore o kgone go ntsha dikuno tse dintsi go fetisa ka ditsenngwateng tse di tshwanang - go sa nneng jalo badirisi ba tlaa tshwanela go duelela dijo go bonala go feta.
Kerafo 3: Tshupane ya tlhotlhwa ya borotho jo bosweu, bupi jwa mmidi, yurea le disele go tswa Ferikgong 2000.
Metswedi: Grain SA, Safex, Statistics SA (Sagis webpage).
Ditlhatlogo tse di tshosang tsa dijokgolo ke gore totatota ke dipholo tsa go tlhoka pholisi e e tshwanetseng ya temothuo go tswa mo Mmusong, go kopane le go palelwa ga Mmuso go diragatsa dipholisi le ditogamaano tse di setseng di le teng. Bantshadikuno ga ba ka ke ba kgona ba le bosi go ntshetsa setšhaba dijo tse di tlhotlhwatlase - Mmuso o a go tshwanela go dira seabe sa ona.
<fn>PulaImvula. Proactivety.2008-08.tn.txt</fn>
Gantsi balemirui ba latlhegelwa ke ditšhono tse dikgolo kgotsa gona go tshwara sebaka sa go bona poelo e e kwa godimo, fela ka gore ba se ke ba dira ka nako.
Ka dinako dingwe ba itemogela ditatlhegelo tse di boitshegang ka ntlha ya tshenyo mo metsweding ya tlhago, jaaka kgogolego ya mmu ka nako ya dipula tsa morwalela, ka gore ba lebetse gore "thibelo e gaisa kalafi".
Go dira go sa le gale go raya go rulaganyetsa kwa pele le go dira ditiro dingwe pele thata, ga e le nngwe kgotsa go feta ya ditiragalo tse dikgolo. Mo ntshodikunong ya dithoro, se ke ntlha ya tsamaiso e e botlhokwa go gaisa. Alemanaka ya jalodijalo ya mo polaseng ya gago ke yona e tshwanetseng go laela ditiro tsotlhe ka kgwebo ya gago. Letlhajalo le le tshwanetseng (tirokgolo ya mo polaseng ya gago) e ka nna ka Seetibosigo a rogwa e le gore o rulaganya go jala korong kgotsa Ngwanaitseele a rogwa, fa e le sejalo sa selemo. Bontsi jwa ditiro tsa gago tsa thulaganyo le ipaakanyo mo dikgweding pele ga jalo, di tlaa ikaega ka letlha le. Go tswelela go akanyetsa kwa pele gale ke gona moono wa tiro ya gago.
Tiro e e tswelelang e botlhokwa thata mo go kgontsheng molemirui go dira go sa le gale. Kelotlhoko e e dirilweng mo setlheng sa gajaana e ka thusa mo go thibeleng diphoso le go thusa go tsaya ditshwetso tse di botoka mo setlheng se se latelang. Mefero, jaaka sekao, e e tlhaotsweng mo nakong ya setlha sa kgolo, e tlaa laola mofuta wa sebolayatlhatshana se se tlaa dirisiwang mo setlheng se se latelang. Fa o ka tlholega go lemoga mathata mo setlheng sa gajaana, go ka etegela thata mo setlheng se se latelang.
Sekaseka sešwa kgono ya ntshodikuno ya mmu le go tlhomamisa palo ya diheketara e o rulaganyang go jala dijalo mo go yona. Utolola mmaraka mme o tlhophe dijalo tse di nang le dipoelo go ikaegile ka tshedimosetso ya mebaraka e e ikanyegang. Thala tekanyetsokabo mme o rulaganye togamaano ya ntshodikuno mo pampiring ka nepo ka fa go kgonegalang.
Mo maemong a mebaraka a gajaana go botlhokwa thata go saena konteraka le kemedi ya mebaraka e e ikanyegang. Konteraka e tlaa sireletsa kgatlhanong le ditlhotlhwa tse di yang tlase le godimo tsa dithoto. Sireletsa konteraka ya sejalo sengwe le sengwe ka tlhotlhwa e e gaisang ka fa go kgonegang.
Fa madi a o nang nao a sa lekana go lema diheketara tse o eletsang go di jala, gona o tlaa tshwanela go dira kopo ya kadimo ya ntshodikuno. O se ke wa diega go bona setheo sa matlole ka bonako fela fa o sena go rulaganya togamaano ya ntshodikuno ya gago. Gantsi tirego ya go rebola kadimo ya ntshodikuno e tsaya lobaka lo loleele.
Fa o sa kgone go dira tiro ya tshugommu le go jala, saena konteraka le motlamelakatirelo go sa ntse go le kwa pele thata. Netefatsa gore didiriso tsa go lema tse o di tlhokang di tlaa bo di le teng ka nako e o rulaganyang go jala sejalo sa gago. Pele o saena konteraka tsaya matsapa a a kgethegileng go batlisisa maemo a didiriso tsa rakonteraka. Gakologelwa gore, thobego nngwe le nngwe e e diragalang ka nako ya paakanyommu kgotsa ya jalo, ke go direla molemi bothata ka boena.
Nako e e siameng go gaisa go tlhokomela didiriso tsa gago ke fela kwa bofelong jwa setlhajalo. Fa tiro e e ka itlhokomolosiwa gona molemi o itirela mathata, e seng fela a go tshwanelwa ke go baakanya didiriso ka tlhotlhwa e e kwa godimo fela gape nako ya botlhokwa e ka latlhega tota ya bo ya tlhola letlha la jalo le le thari. Foo didiriso di bolokilweng morago ga go phepafadiwa bophepa, tirelo e e tshwanetseng le tshireletso kgatlhanong le jego, go tlaa tlhokwa nako e potlana thata go baakanyetsa didiriso setlhajalo.
Tlhatlhoba dibopego tsotlhe tse di teng jaaka dikonturu le mesele ya kelelo ya metsi. Dira nako go tlamela kgotsa go baakanya dibopego tse go efoga tshenyego ya mmugodimo wa gago ka setlha sa pula. Fa go tshwanela go dira dibopego tse dintšhwa, tiro e e tshwanetse go simololwa ka bonako jo bo kgonegalang. Dikgato tsa tshomarelo ya mmu di tlhoka togamaano e e tseneletseng le nako e e lekaneng go diragadiwa.
Nako ya theko e tshwanetse go dirisiwa ka tshwanelo. Tshwantshanya dikuno tsa ditsenngwateng mme o rerisanele tlhotlhwa e e isegang botoka gore o kgone go tshola ditshenyegelo ka heketara di le kwa tlase ka fa go kgonegang ka teng. Itirele itemogelo ka bowena ka setlha sa kgolo go ka tlhopha kuno e e gaisang jaaka mothale wa sejalo o o dirang ka manontlhotlho kgotsa go emisetsa kuno e e dikileng e sa dira sentle jaaka go ne go solofetswe. O se ke wa okaoka go baya kgatelelo mo setlamong sa tlamelo e le go netefatsa gore dikuno tse o di rekileng di nna teng ka nako.
Gakologelwa, go na le batlhalefi le baitseanape ba bantsi ba ba ratang go ka go thusa mo ditirong tsotlhe tse. Se tabogele kwa go bona ka nako ya bofelo. Rulaganyetsa kwa pele mme o ba leletse GOMPIENO!
<fn>PulaImvula. ProblemMaize.2009-02.tn.txt</fn>
Ke mathata afe a bantshadikuno ba ba tlhabologang ba tshwaraganeng nao?
Go botlhokwatlhokwa thata mo madirelong a dithoro gore mabaka a a kganelang bantshadikuno ba ba tlhabologang go nna bantshadikuno ba bogwebi a tlhaolwe le go rarabololwa.
Lenaneo la ntšhwafatso la lefatshe le le diragadiwang ke Lefapha la Merero ya Lefatshe ga se sepe fela fa e se segogamowa mo go ba bantsi - ka kakaretso, ditirego tsa bona di bonya jo bo tlhomolang pelo mo e leng gore bantshadikuno ba ba tlhabologang ba latlhegelwa ke ditšhono morago ga ditšhono, mme benglefatshe ba Basweu ba ba fedileng pelo ba feleletsa ba rekiseditse baagisani ba bona ba Basweu fela ka ntlha ya go palelwa ga ba merero ya lefatshe go fitlhelela ditumelano.
Re na le kopano ya dithulaganyo ya thuolefatshe mo Aforikaborwa - go tswa go lefatshe go ya lefatsheng la poraefete le le hirilweng, go ya lefatsheng la morafe le mo go lona go se nang ditumelano tse di bofang motho tsa semolao (tetlo ya go nna/dirisa fela). Lefatshe la poraefete la mong le ka dirisiwa jaaka tshireletso mo dikadimong, fa e le gore lefatshe le le hirilweng le lefatshe la morafe ona ga a kgone go dirisiwa jaaka tshireletso. Mo dikgaolong tsa morafe, moetlo ke gore losika lo nne le kabo ya lona ya lefatshe ya bogolo jo bo rileng (e e farologanang go ya ka diporofense), mme fa montshadikuno a batla go atolosa tiro ya temo ya gagwe, o tlaa tshwanela go rerisana le baagi ba bangwe go ka dirisa kabo ya bona. Ga go tshireletsego ya pakatelele ya mokgwathuolefatshe o mo lefatsheng le la tlaleletso.
Paakanyo ya pH ya mmu, mmogo le seemo se se kwa tlase sa fosefeite, tsoopedi ke ditirego tse di tlhotlhwagodimo thata - diketleetso di a tlhokega ka gore bantshadikuno ba ba tlhabologang ga ba na ditlamelwana go ka duelela ditiro tse.
Bogolo jwa lefatshe le le dirisiwang ke bantshadikuno ba ba tlhabologang ga le na dikonturu le meselementsi ya bojang e e rulagantsweng sentle le e e lekaneng. Le mororo Lefapha la Temothuo le na le karolo ya Tshomarelo ya Lefatshe, tekanyetso ya lona ga e lekane go letla go ka kampana le tlhokego e e boitshegang e.
Mo Aforikaborwa, ga se lefatshe lotlhe le le leng la kgono e e kwa godimo go tshwanela ntshodikuno ya dijalo. Fela gape phetolelo, ya lefatshe la temo go nna phulo e e jetsweng ke tirego e e turang le ya pakatelele. Bantshadikuno ba ba tlhabologang ba bonala ba sa kgone go fitlhelela thulaganyo ya phetolelo ka jalo gantsi ba tswelela go jala dijalo mo lefatsheng le le sa tshwanelang, kgotsa ba le latlhaganya le sa dirisiwe - tsoopedi ga se ditsela tse di siameng.
Thekeletso, kgotsa tlhaelo ya yona, ke bothata jo bo boitshegang thata jo bo lebaganeng le bantshadikuno, bogolosegolo mo dikgaolong tsa semorafe koo diterata di utswilweng, le go letla dikgomo le dihutshane go gobea jaaka di rata mo masimong.
Go na le bantshadikuno ba ba tlhabologang ba bantsi ba ba nang le lefatshe (e ka nna thulaganyo efe fela ya thuo) fela ga ba na didiriso tse di tlhokegang go le lema. Didiriso tse dintšhwa di tura bobe mme bontsi jwa bantshadikuno ba ba tlhabologang ga bo di fitlhelele, mme go na le ditheo di le mmalwa fela, fa di le teng, tse di ikemiseditseng go tlamela theko ya didiriso tsa temothuo tse dikgologolo ka madi.
Fa didiriso tsa temothuo di le gona, gantsi di mo maemong a a bokoa go ka dira.
Dikelopoelo tse di kwa tlase tsa ntshodikuno ya dithoro e e ketefaletsang balemi go nna le matlole a go tlamela didiriso.
Gantsi bantshadikuno ga ba na kitso ya dipaakanyo le tlamelo.
Ditheko dingwe tsa ntšhwafatso ya thuolefatshe di tsenyeletsa theko ya "kgwebo e e tsweletseng" mme fa gongwe didiriso di tsofetse le go nna mo maemong a a bokoa, mo go rayang gore montshadikuno yo o tlhabologang o simolola a se na ditlogo.
Ditlhopha di abelwa didiriso go di abelana mme go tlhokagale yo o tsayang maikarabelo a tlamelo.
Mo dingwaganyaneng tse di fetileng, dipoelo tsa ntshodikuno ya dithoro di ntse di le mo kgatelelong e kgolo. Setlha se se fetileng e ntse se se siameng thata ka dijalo di jetswe ka "tlhotlhwa ya bogologolo ya ditsenngwateng" fa dithoro di rekisitswe ka "ditlhotlhwa tse dintšhwa tsa dijalo" e bile mo mabakeng a le mantsi pula e ne e feta palogare. Go na le bantshadikuno ba se kae fela ba ba nang le madi a a lekaneng go ka jala dijalo kwa ntle ga go dira dikadimo. Fa kelopoelo e le maswenyana mme kelokadimo e le kwa godimo, mathata a a tsamaelanang le ntshodikuno ya dithoro a nna kwa godimo thata moo go sa siamang go ka adima madi a a boitshegang a a tlhokegang go tsenya dijalo mo mmung.
Ditheo tsa kadimo tse dintsi di tlhoka bonto mo phorophating go sireletsa kadimo. Bantshadikuno mo lefatsheng le le kailweng kgotsa mo lefatsheng la morafe ga ba kgone go neela lefatshe jaaka tshireletso ka jalo dikopo tsa bona tsa dikadimo di a ganwa.
Ditheo tsa kadimo tse dintsi di batla inšorense ya ditsenngwateng go sireletsa kadimo ya ntshodikuno. Fela le gale, inšorense ya ditsenngwateng, fa e amogetswe e simolola go dira fela fa dijalo di setse di tlhogile, ka nako eo tota bontsi jwa ditshenyegelo bo setseng bo dirilwe. Ditheo dingwe ga di rate go neelana ka kadimo pele ga inšorense e amogelwa, se se tlhola maemo a a tlhobaetsang. Kotsi e nngwe ke gore inšorense e netefatsa fela go fitlha 65% ya ditshenyegelo - ke mang a tla rwalang mathata a a setseng.
Ka maswabi, go na le makgetlo a le mmalwa ao bantshadikuno ba ba tlhabologang ba paletsweng ke go tshegetsa maitlamo a bona a go duela dikadimo mme se sa dira gore baadimisi ba itshie mmele go ka adima.
Temothuo e bokete, mme fa o na le maitemogelo a mannye, gona mathata a ka nna magolo. Fa dikelo di le dinnye, gona o na le kelo e nnye thata go ka dira phoso. Bantshadikuno ba ba tlhabologang gantsi ba sa ntse ba leka go tlhabolola dikgono tsa bona tsa temothuo mme ka jalo ba nna le bothata jo bogolo mo baadimising ba madi.
Bantshadikuno ba ba tlhabologang ke "baithuti" mme ba tlhoka kemonokeng, katiso le pepetletso.
Batlhankedi ba Lefapha gantsi ga ba a nonofa sentle go tlamela kemonokeng ya boleng jo bo tlhokegang. Bontsi ga bo na maitemogelo a tiragatso a temothuo mme le fa ba ka bo ba rata, e bile ba na le thutego e e tlhokegang ya dikwalo, ga ba kgone go e diragatsa.
Go suga batho go a tura e bile go tsaya lobaka lo loleele. Mafapha a puso a tletsetletse ka batlhankedi ba ba duelelwang go dira tiro, fela bontsi ga bo na ditsompelo. Fa lekala la poraefete le tsenya seatla, mongwe o tshwanela go bula sekgwama - ke mang a tla duelang?
Bantshadikuno fa gongwe ba iphitlhela ba sa itse gore ba sale kgakololo ya ga mang morago - molemisi wa Lefapha Kgotsa mogakolodi go tswa kgwebong ya temothuo yo o neelang ka kadimo ya ntshodikuno Kampo mokgatlho wa mofutapeo o o emang nokeng Kgotsa mopepetletsi (Bomadimabe ke gore botlhe ga ba bue se se tshwanang ka gale)?
Go ithuta go dira temothuo, go raya go itsenya mo mathateng - fa batho ba tshwanela go nna bantshadikuno, ba tlaa dira diphoso. Go na le tlhokego e e boitshegang ya letloatshireletso go tlaa kapa bantshadikuno fa ba wa. Ka nako e, bantshadikuno bangwe ba mo maemong a a itumedisang go tlamelwa ka matlole ke kgwebo nngwe ya temothuo mme ka jalo ba kgona go fitlhelela kabo ya llaeme go tswa go Maize Trust, gammogo le fosefeite le inšorense ya ditsenngwateng (mo masimong a bona a mmidi). Le gale go na le bantshadikuno ba bangwe ba ba tlhabologang ba ba sa kgoneng go jala mmidi, kgotsa ba sa kgona go bona thebolelo ya kadimo ya ntshodikuno go tsena ka kgwebo ya temothuo e bile ga ba na kemonokeng ya llaeme, fosefeite le inšorense. Go ne go ka nna molemo fa puso e ne e ka itharabologelwa go thusa bantshadikuno ka letloatshireletso le le batlegang.
<fn>PulaImvula. ProblemsOpot.2009-07.tn.txt</fn>
Go na le mabaka a a mmalwa a a ngokang kgatlhego mo tlhabololong ya bantshadikuno ba bantsho mo Aforikaborwa, sekao, lefatshe le le ntshang dikuno le abiwa sešwa, ditshenyegelo tsa dijo di tlhatlogile thata ka bonako mme go na le tshwenyego ka tshireletsego ya dijo ya bosetšhaba le boditšhaba.
Go buiwa thata ka thoto ya dijo ya lefatshe, tshireletsego ya dijo ya lefatshe, tshwanelo ya dijo le bonno, mme dijo tsotlhe tse di ntshiwa golo gongwe ke mongwe - go na le motho yo o amegang. Go botlhokwa go tsepamisa mogopolo o mo mothong ka nosi. Re tlhoka go tlhabolola le go matlafatsa motho ka nosi gore a nne montshadikuno wa mogwebi yo o tletseng yo o tshwaelang mo serotong sa dijo tsa bosetšhaba.
Goreng batho ba kgatlhegela bantshadikuno ba ba tlhabologang?
Lephata la temothuo le tlhoka go nna le lentswe le lengwe le le tshwaraganetsweng.
Temothuo ke motswedi wa dijo le tlhale ya lefatshe e bile e sala go nna mokwatla wa diikonomi tse dintsi.
Temothuo ke mothapi wa botlhokwa.
Tswelelopele ya dikgaolomagae e fokotsa kgatelelo mo metsweding ya ditoropo e e setseng e utlwile.
Fa 30% ya lefatshe e tshwanela go nna mo thuong ya batho ba ba neng ba gateletswe mo malobeng, re ka solofela gore 30% ya dikuno tsa temothuo e tlaa ntshiwang ke bantshadikuno ba: jalo he, 30% ya ditsenngwateng tsotlhe tsa temothuo e tlaa rekwa ke bantshadikuno ba.
Ke mathata afe a a lebaneng bantshadikuno ba ba tlhabologang?
tse di kwa godimo.
Mo dingwageng tse di fetileng ntshodikuno ya dithoro e ntse mo kgatelelong e e boitshegang. Ditshenyegelo tsa ditsenngwateng di tsweletse go tlhatloga, mme fela tlhotlhwa ya kuno yona ga e oketsege ka selekano seo. Go na fela le bantshadikuno ba se kae ba ba nang le madi a a lekaneng go jala dijalo kwa ntle ga go dirisa dikadimo. Fa mola wa poelo o gagametse le dikelo tsa morokotso di le kwa godimo, bothata jo bo tsamaisanang le ntshodikuno ya dithoro bo kwa godimo thata go tshegetsa kadimo ya madi a mantsintsi a a tlhokegang go tsenya dijalo mo mmung. Bantshadikuno mo Aforikaborwa ba tshwanela go gaisana mo mmarakeng wa lefatshe fela mabala a botshamekelo ga a lekane.
Bantshadikuno ba ba tlhabologang ke "baithuti" mme ba tlhoka kemonokeng, katiso le tataiso.
Badiredi ba Lefapha fa gongwe ga ba nonofa sentle go ka neelana ka boleng jwa kemonokeng e e batlegang. Bontsi ga bo na maitemogelo a temothuo a tiragatso mme e bile ba a rata, le gona ba na le dithutego tsa dikwalo tse di batlegang, ga ba kgone "go tsenya mogoma mo mmung".
Mekgatlho ya dikuno e dira tiro e ntle fela ditlamorago tsa ditshenyegelo di a boitshega.
Bantshadikuno ba ba tlhabologang ba le bantsi ba na le mathata a go fitlhelela dikadimo tsa ntshodikuno.
Ditheokadimo tse dintsi di tlhoka bonto mo thotong go sireletsa kadimo. Bantshadikuno mo lefatsheng le le thapilweng kgotsa lefatsheng la morafe ga ba kgone go neelana ka lefatshe jaaka tshireletso ka jalo dikopo tsa bona tsa kadimo di a ganwa.
Ditheokadimo tse dintsi di tlhoka inšorense ya ditsenngwateng go sireletsa kadimo ya ntshodikuno. Fela gape le gona, inšorense ya ditsenngwateng, fa e amogetswe e simolola go dira fela fa dijalo di setse di tlhogile, ka yona nako eo, bontsi jwa ditshenyegelo bo setse bo dirilwe. Ditheo dingwe ga di ikutlwe go rebola kadimo pele inšorense e amogelwa, se se tlholang maemo a mabe. Kotsi e nngwe e kgolo ke gore inšorense e sireletsa fela 65% ya ditshenyegelo - 35% e e setseng ke mathata fela.
Temothuo e bokete, mme fa o le maitemogelo mannye, gona kgonagalo ya mathata e kwa godimo. Fa dipoelo di le dinnye, gona ga o a tshwanela go dira phoso. Bantshadikuno ba ba tlhabologang, fa gongwe e bile ba sa ntse ba tlhabolola bokgoni jwa temothuo jwa bona, ke bothata jo bogolo mo badirising ba madi.
Go na le bantshadikuno ba ba tlhabologang ba bantsi ba ba nang le lefatshe (e ka nna ka thulaganyo ya thuso efe fela), fela ga ba na didiriso tse di tlhokegang go le lema. Didiriso tse dintšhwa di tlhotlhwa godimo mme bantshadikuno ba ba tlhabologang ba bantsi ga ba kgone go di fitlhelela, e bile go na le ditheo di le mmalwa, fa e le di diteng, tse di ikemiseditseng go tlamela theko ya didiriso tse dikgologolo tsa temothuo ka matlole.
Fa e le go na le ditlamelwana tsa temothuo, gantsi di mo maemong a a bokoa a go ka baakanngwa.
Dithekisanyo dingwe tsa kabosešwa ya lefatshe di akaretsa theko ya "kgwebo e e dirang" mme didiriso gantsi di dikgologolo e bile di mo maemong a a bokoa.
Ditlhopha di newa didiriso go di amogana fela ga go yo o rwalang maikarabelo a paakanyo.
Dintlha tse di mabapi le lefatshe le mmu.
Lenaneo la tlhabololosešwa ya lefatshe le le diragadiwang ke Lefapha la Merero ya Lefatshe le swabisitse batho ba le bantsi thata. Ka kakaretso, le bonya mo e bileng bantshadikuno ba ba tlhabologang ba bantsi ba latlhegetswe ke ditšhono tse dintsintsi mme benglefatshe ba basweu ba kgobegileng marapo moo e bileng ba rekisetsa baagisani ba basweu ba bona ka ntlha ya go palelwa ga ba merero ya lefatshe go diragatsa. Ga go na mekgwa e e tshwanetseng ya go tlhotlha bajaboswa ba ba tshwanelang kabosešwa ya lefatshe.
Paakanyo ya pH ya mmu ka go tshela llaeme e nna tiragatso e e turang thata gonne dikgaolo dingwe di ya go tlhoka go fitlha ditono tse 14 tsa llaeme ka heketara. Gantsi bantshadikuno ga ba mo seemong sa go duelela se e bile gape ga go bonale fa go na le maikemisetso a a tlhomameng, go kgontsha bantshadikuno ba ba tlhabologang go kopa thuso kwa pusong go thusa. Diporofense tse di farologaneng di ntse le mananeo a se, fela ga go na thulaganyo e e tlhomameng.
Mo dingwageng tse dintsi mekgwatiriso ya temo e e sa lolamang e humanegisitse mmu ka fosefate mo dikgaolong di le dintsi. Fela jaaka go ntse ka go tshela llaeme, tiro e le yona e tlhotlhwa godimo thata mme ga go bonale go na le diketleetso dipe.
Bontsi jwa lefatshe le le lengwang ke bantshadikuno ba ba tlhabologang ga le na dikunturu tse di rulagantsweng le go lekana sentle le meselemetsi e e jetsweng bojang. Le mororo Lefapha la Temothuo le na le Karolo ya Tshomarelo ya Lefatshe, tekanyetso ya lona e kwa tlase thata go fitlhelela bogolo jwa tlhokego e. Tshwagafatso ya lefatshe ka ntlha ya kgogolego ka diphefo le metsi ga ena bobaakanyo.
Ke eng se se tsweletsang batho go humanega?
Bantshadikuno, gore ba nne bantshadikuno ba bagwebi, ba tlhoka go nna le lefatshe le dimetšhine. Mo diporofenseng dingwe go na le tlhaelo e kgolo ya mafaratlhatlha jaaka ditsela, difala, diomisadithoro dikotudi, jj.
Bantshadikuno ba tlhoka katiso, kemonokeng le tirelo ya bolemisi e e dirang ka botlalo.
Batho ba tshwanetse go matlafadiwa go itirela dilo ka bobona. Ba tshwanetse ba ithute "go itshwarela tlhapi".
Go palelwa ga badiredipuso go dira se ba se thapetsweng go tshola batho ba humanegile (sekao, tlhaelo ya go direla ga Lefapha la Merero ya Mafatshe gammogo le thebolotirelo e e bokoa ya Lefapha la Temothuo).
Batho ba ba humanegileng ba mo tlalelong mme ba jewa ntsoma bonolo. Go botlhokwa thata gore botlhe ba ba amegang mo tlhabololong ya bantshadikuno ba dire ka boikanyego le serodumo.
Molao le maikemisetso a kgwebo tse di tshwanetseng go sireletsa madirelo a temothuo a selegae.
Go thusa ka ditshenyegelo tsa go tshela llaeme.
Go thusa ka ditshenyegelo tsa go tshela fosefate.
Go thusa ka ditshenyegelo ka tshireletso ya ditlhotlhwa tsa dijalo go bona kadimo ya ntshodikuno.
Go thusa ka ditshenyegelo tsa inšorense e e feletseng.
Go tlamela ka madi ka tsela ya dikgwebo tsa temothuo Landbank.
Go tlamela ka madi go kgontsha katisosešwa ya balemisi.
Go etleetsa tlhabololo ya matlole ka go dirisa mekgatlho ya dikuno.
Go akanya ka phakeji ya tlamelo ya didiriso tsa temothuo.
Go tlhabolola, katisa le go matlafatsa bantshadikuno.
Go katisa le go tlhabolola balemisi.
Go tlamela bantshadikuno ba ba tlhabologang ka kemonokeng ya setegeniki.
Go tlamela ka ditsenngwateng tse di tlhokegang tsotlhe ka boleng le tlhotlhwa e e utlwalang.
Go tlamela ka mmaraka wa dikuno.
Go tlamela ka kemonokeng ya setegeniki le tshegetso.
<fn>PulaImvula. Producer.2009-12.tn.txt</fn>
Mofenyi wa kgaisano ya Montshadikuno yo o Tlhabologang wa Ngwaga wa Grain SA o begilwe kwa maitisong a manobonobo a a neng a tshwaretswe kwa The Theatre on the Track kwa Kyalami, ka 09 Diphalane 2009.
Bontlhopheng ba Kgaisano ya Montshadikuno yo o Tlhabologang wa Ngwaga wa 2009 ba ne ba tlhaolwa.
Shimi Mokoka go tswa Vanderbijlpark, porofense ya Gauteng.
Montshakunothoro yo o Tlhabologang wa monongwaga ke Samuel Moloi go tswa Fouriesburg kwa Foreisetata. Re rata go akgola Samuel gammogo le bafitlhelelamakgaolakgang ba bangwe, ka katlego e e mantlhontlho e.
<fn>PulaImvula. Producer.2010-08-06.tn.txt</fn>
Go setse go begilwe batlhophiwa le bafitlhamakgaolakgang ba Montshakunothoro yo o Tlhabologang wa 2010, wa ngwaga mme mofenyi o tlaa begwa mo moletlong wa mabono o o tlaa tshwarwang ke Grain SA ka Diphalane 8, 2010.
David Maleleka - Kestell, Porofense ya Foreisetata.
Thabo Macholo - Kestell, Porofense ya Foreisetata.
Daniel Mocwiri - Mareetsane, Porofense ya Bokonebophirima.
Frans Gaoganediwe - Ventersdorp, Porofense a Bokonebophirima.
Klerk Melken - Mofufutso, Porofense ya Bokonebophirima.
William Matasane - Senekal, Porofense ya Foreisetata.
David Maleleka o tsaletswe mo polaseng mo sedikeng sa Foreisetata ka 1954. O goletse mo polaseng le go tsena sekolo sa dipolase sa selegae go fitlha ka mophato wa boraro (Kereite 5). Go tloga a le dingwaga di le 14 o ne a dira mo polaseng ya ga rre AJ Jonker, teng koo lorato lwa gagwe lwa temothuo lo tsalegileng teng. David o nyetse mosadi yo o maatlametlo, Evelena - o kgweetsa diterekere mo masimong.
Morago ga dingwaga di se kae o ne a hudugela kwa Witsieshoek, kwa a neng a aga teng fa a sa ntse a theogetse ka mokgwa wa konteraka kwa meepong mo kgaolong ya Goldfields. Ka 1991, David o ne a utlwela gore Mmuso o phasaladitse gore batho ba ba nang le kgatlhego ya go reka dipolase mo sedikeng sa Kestell ba itlhagise. Ka 1992 o ne a hira polase e a dirang temothuo mo go yona gajaana. Morago, ka kadimo go tswa Land Bank o ne a kgona go reka polase e. Polase ya ga David ke diheketara di le 272, tse 252 ya tsona e leng lefatshe la temo.
David o ne a hirisa polase e dingwaga di le dintsinyana ka a ne a sa kgone go kgobokanya madi a a lekaneng go dira temothuo ka boena. David o simolotse go dira temothuo gape ka 2008. Ka 2009 o kgonne go bona thobo e e itumedisang thata ya korong mo diheketareng tse 106 e bile a jetse diheketara tse 88 tsa mmidi le diheketara tse 28 tsa dinawa. Ka dinawa basadi ba le mmalwa go tswa Qwaqwa ba kgonne go bona tiro. David a re o atolosa tiro ya temothuo ya gagwe ka bonya jaaka lebodu (trapsikies).
Thabo o belegwe ka 1982 mme o simolotse sekolo kwa Sekolopotlaneng sa Tweeling. Ka 1989 rraagwe o ne a reka polase e gajaana ba dirang temothuo mo go yona. Lorato lwa gagwe lwa temothuo le simologile mo bonnyaneng. O weditse materiki wa gagwe ka 2003 kwa Sekolosegolong sa Paul Erusmus mme a swetsa go ya go dira mmogo le rraagwe kwa polaseng. Kwa sekolong o ne a na le seabe mo motshamekong wa bothubalebelo/diatleletiking e bile o ne a emela porofense ya gaabo mo motshamekong wa rakebii, a le mo ditlhopheng tsa Aforikaborwa tsa ka fa tlase ga 17, 19 le 21 tsa rakebii.
Thabo o rata temothuo mme o batla go bona katlego a le mo polaseng ya gagwe. Ka 2009, gammogo le rraagwe, ba ne ba jala diheketara tsa korong di le 25, diheketara tsa mmidi di le 99 le diheketara di le 33 tsa dinawa. Thabo o tsweletse go gola jaaka montshakuno mme o batla go ithutela pele. O setse a tsene dikhoso di le mmalwa, ke tokololo ya setlhophathutano sa Maluti mme o reetsa bantshakuno ba bagolo fa ba abelana ka kitso le maitemogelo.
Thabo o tlhoafetse thata ka ga tsamaiso le thulaganyo ya tsa matlole, mme o matlhagatlhaga thata ka kgonagalo ya go jala dinawa tse dintsi ka gore di na le poelo go gaisa dithoro tse dingwe. Jaaka bantshakunmo ba bangwe botlhe, o solofela gore tlhotlhwa ya dithoro e tlaa oketsega gore go kgonege go dira poelo le go beeletsa gape mo temothuong.
Thabo o batla gore letsatsi lengwe a bo a le montshakuno wa mogwebi, o rata thata go ka bereka le bantshakuno ba bagwebi gore a kgone go bona maitemogelo a magolo.
Kokamo Daniel Mocwiri o belegwe ka 1949 mo motseng wa Siberia mo Bokonebophirima (gaufi le Mareetsane). Ke ene yo mmotlana fa lapeng le mosimane a le esi mo baneng ba le robongwe. O simolotse sekolo mo Siberia, a ya Mareetsane mme a wetsa Kereiti 12 kwa Sekontaring ya Itlotleng. O ne a tsweletsa dithuto tsa gagwe kwa Kholetšhekatisong ya Batswana. O ne gape a dira khoso ka go ithutela gae le Damelin le Yunebesithi ya Vista kwa a amogetseng dipoloma ya borutabana. O weditse dikerii kwa Yunibesithing ya Potchestroom mme a simolola go dira jaaka morutabana mo Sekolopotlaneng sa Monnapula ka 1975 mme a tswelela go ruta foo go fitlha ka 2008. O nyetse Evelyn mme ba tshegofaditswe ka bana ba le barataro, basimane ba babedi le basetsana ba bane.
Ka e le ena morwa a le esi, rraagwe o ne a mo ruta gore go na le ditsela di le dintsi tsa go dira botshelo. O simolotse go ithuta go lema ka sepane sa dipholo, a sa ntse a le mosimanyana fa a tswa kwa sekolong mme se ya nna tshimilogo ya lorato lo lo sa khutleng lwa temothuo. Ka 1975, mmaagwe le rraagwe ba ne ba aga lebentlele mo motseng mme ka 1977 a reka terekere ya gagwe ya ntlha. Ka 1988 rraagwe o ne a tlhokafala mme ka a ne a sa ntse a ruta, o ne a hirisetsa masimo a gagwe porojeke ya temothuo ya Mareetsane go fitlha ka 1993. Ka 1994 o ne a simolola go lema ka bogagagwe a dirisa terekere ya gagwe mo masimong a diheketara tse 75.
Daniel o ne a tswelela go ruta mme morago, fa a se na go atolosa temothuo ya gagwe, o ne a kopa mongwe wa losika yo o gaufi go mo thusa mo polaseng. Sekolo se a neng a ruta mo go sona le sona se mo motseng, mme o ne a kgona go dira temothuo morago ga sekolo le ka malatsi a boikhutso fa dikolo di tswetswe. Gompieno jaana Daniel o dira temothuo mo lefatsheng la morafe la diheketara tse 200. Monongwaga o jetse diheketara tse 100 tsa mmidi le tse 100 tsa sonobolomo.
Ka 2008 Daniel o ne a tlhama setlhophathutano sa Siberia mme a tlhopiwa jaaka Modulasetilo. Ka 2009 o ne a nna mongwe wa bantshakuno ba ba tsweleletseng ba Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA. Daniel o tlhaloganya sentle mosola wa mafaratlhatlha a kemonokeng e bile o babatsa thata kemonokeng e a e boneng go tswa go rre James van der Linde wa Technichem yo o mo tlamelang ka dikhemikale le peo, gammogo le rre James Moeng yo o mo tlamelang ka monontsha. Daniel o ntse mo dingwageng tse dintsi a tshegetsa ntshokunothoro ya gagwe ka matlole go tswa Land Bank.
Frans Gaoganediwe o belegetswe kwa Sterkstroom ka 1957, ke ene yo mogolo mo baneng ba le lesome. Frans o tsene sekolo kwa Sekolopotlaneng sa Mesweng kwa a weditseng Kereiti ya 7 teng. Mosadi wa gagwe Phina, o belegetswe mo sedikeng sa Sterkstroom mme o weditse kereite ya 7 kwa Sekolopotlaneng sa Rabana. Gajaana ke mme wa lapa mme o thusa mo kgwebong ya thuokoko tsa nama.
Morago ga sekolo, go tloga 1985 - 1989, o ne a direla Senwes mo polaseng mo sedikeng sa Strekstroom,. Ka nako e o ne a jala ditekelelo tsa tshupetso. Se se ne sa mo tlogela ka maitemogelo a go ithuta a mantle mo temong ya mmidi le mekgwatiriso ya temo e e siameng. Go tloga ka 1990-1993 o ne a direla Senwes mo Sterkstroom. Frans o ne a sutisediwa kwa lephateng la dikgomo le dinku koo a neng a dira kgwediso ya seatla (AI) mmogo le go enta le go nosa melemo ya dibokwana mo diruiweng. Ke teng fa, fa lorato lwa gagwe lwa dikgomo tsa Bonsmara le medileng teng. Ka 2000 o ne a sutisediwa kwa lephateng la bogamelo (diary) morago diBonsmara di sena go rekisiwa, koo a neng a tswelela ka kgwediso ya seatla mo motlhapeng wa diFriesland, gape a tsamaisa mananeo a phepo le meento. Morago ga Senwes e sena go rekisa polase, o ne a tswelela go direla Senwes ka go jala ditekelelo. Ka 2002, Frans o ne a sutisediwa go tswa Sterkstroom go ya kwa Ntlokgolo ya Senwes kwa Kerksdorp kwa a neng a nna mokgweetsi.
Ka 2002 o ne a simolola ka temothuo mo lefatsheng le le leng teng. Ka 2001 o ne a dira kopo ya kadimo kwa Land Bank, e o neng a e abelwa ka 2002. O ne a reka polase le dilo tsotlhe tsa yona tse di neng di akaretsa diterekere tse pedi, megoma e mebedi, didiriso tse dingwe di le mmalwanyana, gammogo le matlo a mabedi a thuokoko ya nama (a a tsholang dikokwana tse 56 000). Matlo a a thuokoko gajaana a dira ka botlalo, mme a ntsha ditlhopha di ka nna supa le halofo ka ngwaga. Frans o na le konteraka e e tlhomameng le ba Rainbow Chickens.
Mo dingwageng tse robedi tse di fetileng o kokotleditse loruo lwa gagwe go nna dikgomo di le 38, letsomane la dinku le oketsegile go nna 63, o rekile terekere e nngwe, bene ya Toyota Hilux, tshilo ya furu e bile o tokafaditse matlo a thuelokoko ka go tsenya siling, dinnipole tsa metsi le peipi tsa phepo. Gape o tokafaditse thekeletso ya terata. Gajaana o tshwaragane le go aga botlhapelo jwa dišawara jwa badiredi.
Frans o rata go godisa kgwebo ya gagwe le go reka polase e nngwe. O batla go nna montshakuno wa mogwebi yo o feletseng. Se se kgonega fela ka go dira ka natla, go tsenela dikhoso le go katisa badiri ba gagwe. Frans o sa ntse gape a akanya gore Puso e tshwanetse go sekaseka diporojeke tsotlhe tsa yona, go rotloetsa bantshakuno go gola le go ntsha bantsho mo diporojekeng tse di reteletsweng. Frans a re o engwa nokeng ka botlalo ke bantshakuno ba bagwebi ba selegae ba tikologo ya Ventersdorp.
Klerk Melken o belegwe ka 1970 kwa motseng wa Mofufutso mo Bokonebophirima. Ke ngwana wa bobedi wa bana ba le lesome ba ga John le Dorah Melken, ba ba sa ntseng ba dira temothuo mo kgaolong yona e. O simolotse sekolo mo Mofufutso, a tsena sa Bogareng sa Khunwana mme a wetsa kereiti ya 11 kwa Sekolosegolong sa Atamelang. Ka 1992 o ne a simolola go dira jaaka modirapolaseng, mme a tswelela go dira jalo go fitlha ka 2000. Klerk o nyetse Joyce ka 2002 mme ba tshegofadiwa ka bana ba le bararo, mosetsana le basimane ba le babedi.
Klerk o simolotse temothuo mo dingwageng tsa bošwa ka diheketara tse 50 fela, fa a ne a kgona go bona kadimo ya ntshokuno ya ntlha ya gagwe go tswa NWK ka 2001. Ka Tlhakole 2003 o ne a reka namane e le nngwe, mme gajaana o na le dikgomo di le 16. Ka 2008 o ne a reka nku e le nngwe le podi e le nngwe mme gajaana o na le dinku tse 20 le dipodi tse 10. Gape o na le dikoko di le 80.
Klerk o ne a nna tokololo ya setlhophathutano sa Mofufutso ka 2000, fa a ne a ntse a dira mo polaseng. Ka Ngwanaitseele, 2008, o ne a tlhophiwa Modulasetilo wa setlhophathutano se. O tsenetse bontsi jwa dikhosokatiso tsa Grain SA, tse di akaretsang : Tlhagiso mo Khosong ya Mmidi, Tlhagiso mo Khosong ya Sonobolomo, Khoso ya Borakonteraka, Khoso ya Botlamedi, Khoso ya Motheo ya Paakanyo ya Enjene, Tlhagiso mo Khosong ya Mabele, Khoso ya Mmidi o o Tsweleletseng ya Balemirui ba ba Tsweleletseng, Khoso ya Tsamaiso ya Kgwebo ya Temothuo le Khoso ya Tsamaiso ya Thulaganyo ya Polase.
Gajaana o dira temothuo mo lefatsheng la morafe le le hirilweng la diheketara tse 150 la botengmmu jwa 80 cm. O jetse diheketara tsa sonobolomo tse 60, diheketara tse 42 tsa mmidi o mohibidu le tse 48 tsa mmidi o mosweu. Ka a lema mo karolong e e omileng ya naga, Klerk o tlhaloganya sentle botlhokwa jwa tshomarelo ya bongola jwa mmu. Klerk o lora go ipona a na le polase e e leng ya gagwe (e bile a tshwere lekwalo la kano ya bong). A re o batla go godisa temothuo ya gagwe go fitlhelela a nna le diheketara tse 1 000 mo kgaolong ya mebu e e boteng le pula e ntsi! Klerk o engwa nokeng ke rre Du Toit wa Technichem mme o dumela go itikanyetsa ka batho ba ba go tshegetsang le go nna le kitso.
Klerk a re o rata temothuo gonne ke monna yo o itlhotloetsang yo o batlang go itlhabolola le go dira dilo ka tshwanelo.
William o belegetswe kwa sedikeng sa Winburg, kwa a tseneng teng sekolo sa dipolase. O ne morago a tsena kwa Sekolosegolong sa Winburg. O simolotse go dira kwa Allemanskraal (e e itsegeng botoka ka Aventura Resort Aldam). O dirile pele e le weitere, a nna moapei mme kwa bofelong a nna motsamaisi wa resetšhuranta, go fitlha ka 2004. Fa a ntse a dira kwa Aldam, o ne a tsena mo maitekong a temothuo le bomphato ba le bararo. Ka 2004 o ne a reka polase ya Verblyden, koo a nnang teng le mosadi wa gagwe le bana ba bona. Ba dira temothuo ka bobona kwa ntle ga bomphato ba bangwe. Fa, ba ntsha ka katlego sonobolomo le mmidi (William a re o bone sepokonyana ka korong dingwaga tse pedi tse di fetileng mme ga a battle go lekelela gape - bogolo jang ka ditlhotlhwa tsa gajaana).
William a re o batla go neela bana ba gagwe ditšhono tseo ena a se kileng a nna natso. Morwadie yo mogolo o dira ngwaga wa bone wa B. Com, morwadie wa bobedi ena o dira ngwaga wa boraro wa Electrical Engineering, fa morwadie yo mmotlana a dira ngwaga wa bobedi kwa Secretarial College, mme "Johannes, die boer" o tsena sekolo kwa Senekal, mo kereiting ya 4.
William ke montshakuno yo o atlegileng e bile gajaana o dira temothuo mo diheketareng tse 900. Polase ya gagwe e ka nna fela diheketara tse 400, mme o hirile lefatshe la tlaleletso la temo kwa Ventersburg (go tswa balemiruing ba bantsho ba ba sa le diriseng) mme lefatshe la phulo lona o le hirile mo go Mmasepala wa Winburg. William o batla go reka lefatshe le lengwe mo sedikeng sa Senekal, fela o ngongorega ka gore Puso e batla go thusa fela "ba ba ngobetsang madi mme e seng ba ba dirang sengwe se se mosola".
William o dirisa kopanyo ya tlamelo ka matlole go tlamela dijalo tsa gagwe ka matlole - madi a gagwe le dikadimo tsa ntshokuno go tswa VKB le Land Bank. Monongwaga, dijalo tsa sonobolomo tsa gagwe di kgonne go duelela dikadimo tsa ntshokuno tsotlhe mme dipoelo go tswa mo mmiding wa gagwe ke tse di tsenang mo kgwatlheng ya gagwe. O jetse diheketara tse 110 tsa mmidi, le tsa sonobolomo tse 145 kwa Senekal, gammogo le diheketara tsa mmidi tse 60 le tsa sonobolomo tse 75 kwa Ventersburg. O na le dikgomo tsa nama tse 90 le matlaleletsa mme o ipela ka kelotsalo ya 91% - ga go mojamankoko mo polaseng. O na gape le dinku tse 30 mme a re ga a ka ke a di oketsa gonne polase ya gagwe e gaufi thata le motsesetoropo wa Matwabeng mo Senekal.
William o tshwenyegile thata ka ntlha ya tlhotlhwa ya dithoro. Mekgwatiriso ya matlole e e lolameng e botlhokwa thata mo kgwebong ya gagwe mme o beeletsa kwa a solofetseng dipoelo teng. A re ga a kgone go buelela theko ya didiriso tse dintšhwa tse di nnang ngwaga otlhe mo setorong. Tlhokomelo e e tseneletseng le tlamelo ya semekhenike ke e e manontlhotlho - sengwe le sengwe se na le bonno e bile se tlhokometswe bontle thata.
William ke motho wa dikakanyo tsa gagwe fela o tsaya tsia thata kemonokeng ya ga Johan Kriel wa Grain SA, gammogo le kemonokeng e e tsweletseng ya bantshakuno ba bagwebi ba selegae, bogolosegolo rre Phillip Basson, yo o nang le thuso e kgolo thata mo go ena.
<fn>PulaImvula. ProducerMaize.2009-03.tn.txt</fn>
A montshadikuno o ya go tshwaiwa phoso gape?
Mo naaneng nngwe le nngwe go tshwanetse go nne le motho yo o siameng le motho yo o maswe mme ka tsela nngwe mo motseletseleng wa ntshodikuno ya dijo, motho yo o bosula ka gale ke montshadikuno. O tshwaiwa phoso fa dijo di se yo, fa dijo di tura kgotsa boleng jwa dijo bo le bokoa.
Fa re lebelela tirego e e amegang mo go beeng dijo mo tafoleng ya modirisi, go na le bannaleseabe ba le mmalwa mme tirego e teleletelele.
Se ke karolo ya tirego ya gore go jalwe dimela tse di nepagetseng - mmidi, korong, mabele, sonobolomo, dinawa, jj.
Di kgone go bolokwa le go rorwa ka pabalesego.
Go tshwanetse go dirwe menontsha e e ka dirisiwang mo modikong wa ntshodikuno le go tlamela ka ditlhokego tsa dikotla tsa dimela. Go tshwanetse go dirwe dibolayasenyi le dibolayatlhatshana go sireletsa dijalo kgatlhanong le mefero, disenyi le malwetse.
Di phasalatsa mo dikgwebong tsa temothuo.
Rorela dijalo kwa difaleng tsa selegae.
O rekisetsa basidi dijalo (kgotsa mmaraka wa thomelontle).
Olela kuno mo dipaking le go e phasalatsa kwa bagwebibagolong.
Rekisetsa bagwebipotlana dikuno tse di pakilweng.
Tlhalosonyana e ga e a akaretsa dikgato tsotlhe tse di farologaneng ka gore dintlha di farologana ka kuno go ya kunong. Sekao, fa korong e setse e sidilwe e tshwanetse go besiwa pele e rekisediwa badirisi; fa sejalo e le bali, e e tlaa dirisediwang go titiela bojalwa, se tshwanetse go dirwa momela mme e bo e le gona se titielwang.
Mo tiregong e yotlhe e, batho le ditirego ba a amega mme se ke motseletseleboleng wa temothuo. Mongwe le mongwe mo tseleng e o tshwanetse go dira poelo gore a kgone go nna le go sala mo kgwebong.
Jaanong Potso - A montshadikuno ke ena a rwalang molato wa tlhatlogo ya tlhotlhwa ya dijo a le esi?
Khene ya biri, kwa tlase ga 3% ke tlhotlhwa ya bali.
Kgwebo ke go solofela mathata - kgwebo yotlhe e na le selekanyo sengwe sa mathata.
Modiko wa ntshodikuno o moleele (go tswa paakanyong ya mmu go ya thobong).
Dijalo di lebagane le maemo a loapi (komelelo, morwalela, sefako, serame, segagane le diphefo).
Bantshadikuno ba amiwa ke tlhotlhwa - montshadikuno ga a kgone go swetsa gore o tlaa bona bokae mo tonong ya mmidi ya gagwe ka gore dithoro tsotlhe di rekisiwa mo fantising mme tlhotlhwa e montshadikuno a e boneng ke yona tlhotlhwa eo. Go le gantsi montshadikuno o patelesega go amogela tlhotlhwa e e kwa tlase mo dijalong tsa gagwe go feta e o sejalo se mo e jeleng go se ntsha.
Go dira setshwantsho fela, fa re leba setlha sa korong se se fetileng kwa Foreisetata, e ntse ngwaga o o maswe thata le pula e le bokoanyana. Bantshadikuno mo dikgaolong tse dintsi ba paletswe le ke go roba tono e le nngwe ya korong ka heketara. Ditshenyegelo tsa ntshodikuno ya korong di tsamaela R4 200 ka heketara, mme tlhotlhwa e e bonweng ke montshadikuno mo koronnye ya gagwe e ne e tsamaela R3 000 ka tono. Se se raya gore fa montshadikuno a robile tono e le nngwe ka heketara, o dirile tatlhegelo ya R1 200 ka heketara.
Fa o le ralebaka, o reka folouru, o swetsa le ka tlhotlhwa e o e batlang ya dirolo tsa senkgwe tsa gago. Fa modirisi a sa batle go duela tlhotlhwa eo, o emisa go reka folouru le go emisa go besa borotho go fitlhelela tlhotlhwa e tokafala. Gangwe fela fa montshadikuno a sweditse go jala dijalo, ga a ka ke a emisa tirego le go emela go fitlhelela tlhotlhwa e tokafetse - o dirisitse madi mme o tshwanelwa ke go roba dijalo le go di rekisa.
Bantshadikuno ba rona ke gouta - ba dira ka thata, ba rwala mathata go ntsha dijo le go tlamela batho ba Aforikaborwa ka diphatlhatiro (mmereko). Gakologelwa gore re ka reka dijo go tswa ntle fela fa dinaga tse dingwe di na le lefetiso la dijo, le fa naga ya rona e na le ledi la dinaga disele go duelela diromelwateng. Fa maemo a sa siama mo dinageng tse dingwe tsa thomelontle, ba tshwara dijo tsa bona go di itirisetsa, mme ga re ne re kgona go di reka. Fa kelothefosano e le kgatlhanong le boleng jwa ranta ya rona, naga ya rona ga e ne e nna le madi a go duelela dithoro tse di romelwang mono gae, mme batho ba rona ba tlaa bolawa ke tlala, jaaka go ntse ka dinaga tse dintsi mo Aforika. Pele re ba rwesa molato wa ditlhotlhwa tse di kwa godimo tsa dijo, a re sekasekeng morero o le go tlhaloganya gore go reng ditlhotlhwa di tlhatlogile. Fa re sa eme bantshadikuno ba rona nokeng le go ba thusa go nna mo ntshodikunong ka go lemela poelo, setšhaba sa rona se tlaa bolawa ke tlala.
<fn>PulaImvula. Profile(maize).2011-03-14.tn.txt</fn>
Xolile Dasheka o belegetswe mo polaseng mo sedikeng sa Petrusburg. Rraagwe e ne e le modirapolaseng fa mmaagwe e ne e le modiralapeng. Xolile o na le dikerii ya Management and Leadership le Dipoloma ya Labour Relations Management.
O rekile polase ya gagwe ya Lemoenkloof mo sedikeng sa Jagersfontein ka 2006 ka kadimo go tswa Landbank. Polase ya gagwe e bogolo jwa 1 134 ha, ka masimo a 145 ha le phulo ya 989 ha. Xolile o dira temothuo ya gagwe ka mmidi, dikgomo, dikolobe, dikoko le merogo.
O bona jang matlole a go lema?
Mo ditlheng tse pedi tse di fetileng ga ke a ka ka rekisa dithoro tsa me. Ke di dirisitse go tlamela loruo lwa me. Ke dirisitse bontlhanngwe jwa poelo ya me go tlamela ntshokuno ya setlha se se latelang ka matlole. Ka ntlha ya ditshenyegelo tse di tlhatlogang ke tlaa leka go bona kadimo go tswa Land Bank.
Kakanyo ya gago ke eng ka dintlha tsa tlamelo ya matlole ya temothuo?
Montshakuno o tshwanetse go nna dilo di le dintsi, sekao o tshwanetse go nna moitseanape wa tsa ditšhelete, raikonomi, morekisi le go feta. Selekanyo sa dipoelo mo ntshokunong ya dithoro se kwa tlase. Ke tlhoka gore batho ba ikanyege mo bantshakunong ba Aforikaborwa, le go reka dikuno tsa selegae. Re tlhoka lekgetho la diromelwateng mo dithorong tse di tsenang mo nageng ya rona. Ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tse di jaaka disele le monontsha di a re bolaya. Temothuo ga se tlhopho ya boiphediso (career) mo bašweng ba batho ba bantsho; ga ba bone isagwe epe mo go yona. Fa ditshenyegelo tsa diromelwateng di sa laolwe gona kgaisano e e gobelelang kgatlhanong le dithoto tse di etleediwang ka matlole e tlaa bolaya montshakuno wa Aforikaborwa.
O bona kae ditsenngwateng tsa gago?
Ke reka mo baemeding ba thekiso ba ditlamo tse di tlamelang ka ditsenngwateng, morago ga go amogela le go tshwantshanya dikhotheišene gammogo le tlamelo e ba tlamelang ka yona morago ga thekiso.
Seabe sa Puso mo temothuong ke sefe le gona e se diragatsa jang?
Puso e tshwanetse go tlhokomela bantshakuno. Bantshakuno ba tlamela ka ditiro le nitamo mo dikgaolong tsa magae. A ko o lebe lefatshe le le newang bantshakuno ba ba tlhabologang le thuso e ba e newang go atlega ka go ba abela diketleetso le didiriso. Go tshwanetse go rotloediwe tataiso ka bantshakuno ba bogwebi. Duela madi a a siameng mme o bone thuso fa go tlhokegang. Puso e a leka fela ka e nako, ga e atlege.
O bone jang katlego?
Lobaka lwa gore ke kgonne go anama le nthusitse. Loruo lo go naya nitamo le go thusa ka kelelo ya lotseno. Go rua dikolobe le dikoko go nthusitse go fitlhelela ditshenyegelo tsa tsamaiso kgwedi le kgwedi. Ke na le sebatanyana sa lefatshe se se ka nnang 3 ha se nka se nosetsang. Lobaka lwa gore ke montshakuno wa nakwana yo o nang le tiro e e tlhomameng le lona lo a thusa. Fa temothuo e ka nna poelo e ntsi, gona nka nna montshakuno wa leruri.
Ke eng se o bonang e le matshosetsi mo tswelelopeleng le katlegong ya gago?
Ke tshwenngwa ke go tlhoka nitamo ga dipolotiki, bosenyi le dipuo tse di bosutlha mo bobegakgannye di ka ntseela tšhono ya go atlega. Poelo le yona ke ntlha ya botlhokwa.
Ke dintlha dife tsa kgwebo ya temothuo ya gago tse o ka ratang go di tokafatsa?
Ke rata go nna le kitso e ntsi ka paakanyommu, tshomarelo ya metsi le thuo ya diphologolo. Gape ke eletsa go bonela badiredi ba me katiso.
Togamaano ya phalolo ya monongwaga ke eng?
Ke rata go netefatsa gore popegotheo ya tshegetso ya me e rulagane. Grain SA le setlhophathutano sa me, ba botlhokwa go tla thusa. Gape ke eletsa go oketsa loruo lwa me, e leng dikgomo tsa nama. Fa ntlha ya bosenyi e letla, ke batla go simolola go rua dinku.
<fn>PulaImvula. Profile(maize).2011-04-07.tn.txt</fn>
Sibongile Victor Michael Mahlinza o tsaletswe kwa Estcourt ka 14 Phukwi, 1961 le go golela mo kgaolong ya Ntabamhlophe. O simolotse thuto ya gagwe ya poraemari ka 1968 kwa sekolopotlaneng sa Cornfield. Ka 1976 o ne a tsena kwa sekolosegolong sa Mtshezi kwa a weditseng Kereiti 11 ka 1982.
Ka 1983 o ne a swetsa go ya Johannesburg kwa a dirileng teng jaaka mokwaledi wa rakonteraka wa moagi sebaka sa ngwaga. Victor o ne a ya go direla setlamo sa dikhemikale jaaka rasetoro gona mo Johannesburg go fitlha ka 1986. Go tloga 1987 go ya 1988 Victor o ne a thapilwe jaaka mokgweetsi wa teraka ke M & L Distributors. Go tloga ka 1986 go ya 1995 o ne a nna rakonterakammotlana wa AMCA Construction a ba tsamaisetsa dikuno. Mo go 1996 Victor a swetsa go nna montshakuno mme a boela gae. O ne a simolola temothuo mme a dirisa dipholo go lema dijalo tsa gagwe. O rekile terekere ya gagwe ya ntlha ka 2003.
Victor o nyetse Linah mme ba tshegofaditswe ka bana ba le batlhano, basetsana ba bararo le basimane ba babedi. Fikile (26) o na le bana ba le babedi. Sizwe (19) o weditse kereite 12 mo Pietermaritzburg kwa Kholetšheng ya Temothuo ya Zakhe le go wetsa khoso ya temomerogo kwa Kholetšheng ya Buhle mo Delmas mme gajaana o dira le Victor mo polaseng ya gagwe. Zandile (15) o mo kereiting ya 9 kwa Sekolosegolong sa Abantungwa mme Mpumelelo (11) o mo kereiting ya 4 mo Sekolopotlaneng sa Mathamo.
Victor gape o tlhomile Norah lotlhokwa mme ba na le bana ba le bararo; mosimane a le mongwe le basetsana ba le babedi. Ayanda (24) o weditse kereiti ya 12 kwa Sekolosegolong sa Mtshezi le go bona Setifikeiti sa N3 mo Civil Engineering kwa Kholetšheng ya Botegeniki ya Berea kwa Durban. Ayanda le ena o dira le rraagwe mo polaseng ya gagwe. Barwadie ba babedi Thokosile (20 gajaana o mo kereiting ya lesomenngwe kwa Sekolosegolong sa Abantungwa mme Bongeka (12) o mo kereiting ya 6 kwa Sekolopotlaneng sa Mathamo.
Victor o na le diterekere tse pedi; Massey Ferguson 440 4 x 4 le Massey Ferguson 5465 mme gape o na le bene ya Colt 2.8. O tlaa atlega thata mo temothuong ka gore o goletse mo tikologong ya temothuo. O na le ponelopele mme o sebete se se lekaneng go mekamekana le dikgwetlho tsa go nna montshakuno.
O tsaya kae madi go lema dijalo tsa gagwe?
Victor ga a dirise baadimamadi mme o tlamela dijalo tsa gagwe ka madi a gagwe se e leng bothata mo go ena gajaana, ka gore o dirisa lefatshe la morafe bogolo le go hira diheketara di ka nna lesometlhano tsa temo mo moleming wa mogwebi.
O bona ditsenngwateng tsa gagwe kae?
O reka ditsenngwateng tsa gagwe tsotlhe go tswa TWK kwa Winterton le dikhemikale tsa gagwe kwa Farmers Agri-Care mo Winterton. Victor o reka peo ka tlhamalalo go tswa kwa Pannar le Monsanto mme o itumelela thata tirelo e a e bonang go tswa batlameding ba ditsenngwateng.
Seabe sa Puso mo temothuong ke eng mme e se diragatsa jang?
Victor o bona seabe sa Lefapha la Temothuo mo kgaolong ya gaabo e le se se siameng jaaka le mo naya kemonokeng e e siameng le go bona Lefapha la Temothuo la selegae le thusistse bantshakuno go lemela ba SAB mmidi o mohibidu. Katlego ya gagwe mo temothuong ke ka ntlha ya togamaano e e siameng le go dira ka natla.
Ke eng se a bonang e le matshosetsi mo tswelelopeleng le katlegong ya gagwe?
O lemoga fa matshosetsi a magolo a tswelelopele ya gagwe e le go tlamela ka matlole dijalo tsa gagwe go tswelelela go fitlha kwa kgatong ya thekiso. Ditshenyegelo tsa badiri le tsona di tshwentse thata.
Ke dintlha dife tsa temothuo ya gagwe tse a ratang go di tokafatsa?
Victor o rata go tokafatsa thuo ya dikgomo le dipodi tsa gagwe gonne o bona se e le ntlha ya botlhokwa go tsepamisa temodijalo ya gagwe. Togamaano ya pholoso ya gagwe monongwaga ke temothuo ya mefutafuta; e leng go jalela Nestle ka konteraka mmidi, dinawa, merogo le tšhikori.
<fn>PulaImvula. Profile(maize).2011-05-11.tn.txt</fn>
Monica Mathamba o nna mo Kgaolotsamaisong ya Mthatha Mbozisa koo a leng karolo ya Mokgatlho wa Balemirui wa Mbozisa. Monica o lema mo lefatsheng la morafe mme o kgonne go teratelela masimo a dijalo a gagwe a diheketara tse thataro.
Monica o tsenetse dikhosokatsio tsa Grain SA tse di latelang: Tlhagiso mo Ntshokunong ya Mmidi gammogo le Khoso e e tsweleletseng ya Ntshokuno ya mmidi. Monica o tokafaditse ntshokuno ya mmidi ya gagwe ka go dirisa kitso le bokgoni tse a di boneng ka go nna tokololo ya Grain SA. O ne a tlwaetse go ntsha ditono tse 3,5 ka heketara fela jaanong o ntsha ditono tse 4,5 ka heketara.
O tsaya kae matlole go jala dijalo tsa gagwe?
Tlamelo ka matlole ya dijalo tsa gagwe e dirwa go tswa mo kgetseng ya gagwe mme ga a itumelela tlamelo ya matlole ka gonne dikadimo di rebolwa thari thata setlha se setse se fedile.
O bona kae ditsenngwateng tsa gagwe?
Monica o reka ditsenngwateng tsa gagwe go tswa Mthiza Farmers Co-op le Eastern Cape Co-op. Ditlhotlhwa di tloga di le kwa godimonyana mme e bile batlamedi ga ba mo thuse ka kgakololo epe ya setegeniki.
Seabe sa puso ke sefe mo temothuong mme ba se fitlhelela jang?
Seabe sa puso ke go naya bantshakuno kgakololo le bokgoni jwa setegeniki gammogo le go tlamela ka mafaratlhatlha. Monica a re puso ga e diragatse seabe sa yona ka gore ga e diragatse dipholisi tsa yona.
Ke eng se se mo nayang katlego?
Monica a re o newa katlego ke Lorato lo logolo le go semelela. O dumela gore go dirisa dipeo tsa mmidi, monontsha le kgatsho ya dibolayatlhatshana go laola mofero, go tokafaditse thobo ya gagwe. Monongwaga Monica o batla go reka didiriso tse dintsi, bogolosegolo sekgatshi sa "boom" (boom sprayer).
<fn>PulaImvula. ProtectingMaize.2009-03.tn.txt</fn>
Photos: Dikobelo: Dikobelo di dirisiwa jaaka khurumetso ya tshireletso e e tshelwang go dikologa dimela go thibela mowafalo ya bongola, kgatselo ya medi le kgolo ya mefero.
Ditlamorago tsa pula le marothodi a pula mo mmung o o sa aparang gammogo le se se ka dirwang go fokotsa tshenyo e e tlholwang ke dipula tse di bokete ke tsa botlhokwa go gaisa mo montshadikunong mongwe le mongwe.
Mo kgatisong ya Pula Imvula ya Tlhakole re sekasekile tshireletso ya mmugodimo le go gatelela dipholo tsa kgogolego ya mmu gammogo le mefuta ya kgogolego. Mo kgannyaneng e re tlhalosa ditlamorago tsa pula mo mmung o o sa aparang gammogo le ditlamorago tsa khurumetso ya mmu.
Karolo ya maatla a marothodi a pula e dirisiwa mo go thubeng makwetenyaneng a mmu le go gasagasa dikarolwana tsa mmu le naga. Mo boalong jo bo lekalekanang mmu o gasagasiwa go batla ka go lekana go ya ntlheng tsotlhe, ka jalo go tlaa latlhega fela mmu o monnye; fela mo bolaolong jo bo mothulama, mmu o montsi o tlaa gasagasediwa go kgokologa le mothulama go na le go ya kwa godimo. Ka jalo mo mokgokolosong, mmu o tlaa kgoromelediwa kwa tlase mme kwa bofelong o latlhegele lefatshe le le kgethegileng le o tswang mo go lona.
Go na le kamano e e kitlaneng magareng ga bokete jwa pula le bogogodi jwa yona. Go itsege sentle gore tshenyo e kgolo ya kgogolego (50 - 80%) e tlholwa ke dipula tsa matlakadibe tse di bokete tsa sewelo mo dikgaolong tsa pula ya selemo.
Go na le phatšho ya marothodi a pula e ntsi go fologela le lekgabana.
Go na le kgokologo ya morwalela e tona mo methulameng e e mokong.
Morwalela o tlaa taboga thata.
Botlhatlhogo jwa mothulama gammogo le tsamaiso ya mekgwatiriso e tlaa lekanyetsa dijalo tse di ka jalwang mo lefelong le le kgethegileng, fa kgogolego ya mmu e tshwanela go lekanyediwa ka pabalesego. Ditekanyetso tse di ikaegile bogolosegolo ka bogogodi jwa dipula le bogogolego jwa mmu mo kgaolong e e kgethegileng eo.
Lefatshe lotlhe le le lemilweng la mothulama wa go feta 3% le tshwanetse go sirelediwa ka dikonturu (ke lobotana lo lo tlhatlositsweng mo lefatsheng lo lo diretsweng go laola metsi a a fetileng go tswa mo tshimong).
Dijalo tsa mela di ka jalwa fela mo methulameng ya bonnye jwa 10%.
Dithoro tse dinnye di ka jalwa fela mo mothulameng wa bonnye jwa 15%.
Phulo e ka letlelelwa fela mo methulameng ya bonnye jwa 30%.
Methulama ya go feta 30% e tshwanetse go dirisediwa fela jalodikgwa le tshireletso ya diphologolo tse di tlhaga.
Dimedi ke motlhodi o o nonofileng thata mo kemelanong le kgato e e bogogodi ya pula. Tlhotlheletso e kgolo thata e dimedi di nang le yona mo kgogolegong ka pula ke ka bokhukhu (canopy) jwa tsona, jaaka nonofo ya sekhukhu, ka mafoko a mangwe bokgoni jwa dimedi go garela marothodi a pula pele a fitlha kwa lefatsheng. Pula, e e nelang mo matlhareng le dikutung tsa dimedi e latlhegelwa ke bontsi jwa maatla a yona mo thulanong, mme e thubega go nna marothodi a mannye, a a ka welang mo mmung ka bokete le maatla a a kwa tlase, kgotsa ka go elelela kwa tlase ga dikutu tsa dim edi le go fitlha kwa mmung a saletswe ke maatla a mannye thata.
Dikobelo di nonofile thata go feta khurumetso ya bokhukhu. Dikobelo di garela marothodi a pula gaufi le boalogodimo, se se thibela marothodinyana go boelwa ke bokete jwa bolebelo. Dikobelo gape di thibela kelelo ya merwalela ya boalogodimo, le go fokotsa bokgoni jwa bolebelo le tsamao ya yona. Le mororo kobelo e sa akaretsa khurumelo ya mmu gotlhelele, e nonofile sentle go oketsa nonofo ya khurumetso ya sekhukhu.
Dikobelo tsa tlhago di ka nna setoroi, matlhare, lotlhaka, lorole lwa petlo kgotsa dibetlela tse di adilweng mo godimo ga lefatshe. Mo temothuong, masalela a dijalo ke ona a tshwanetseng tota.
Nonofo ya khurumetso ya mmu mo thibelong ya kgogolego e oketsega ka tlhamalalo le phesente ya khurumetso ya mmu. Go sa ntse go ka nna le kganetsi - selekanyo sa kgogolego ya mmu se lekalekana ka tlhamalalo le selekanyo sa mmu o o khurumediwang.
Masalela a dijalo a tshwanetse go tlogelwa mo godimo ga boalogodimo jwa mmu, kwa ntle ga gore go bo go na le lebaka le le utlwalang gore go se dirwe jalo, sekao, malwetse a dimela, tlhaelo ya naeterojene ya mmu ka ntlha ya dimedi tse di bolang, tlhokego ya go lema le go tlhagola, le phediso ya mofero, jj. Go sa ntse gape go le mokgwatiriso o o leng wa Aforikaborwa fela wa go dirisa masalela a dijalo jaaka furu ya loruo.
Mabapi le mathata a go lema go na le didiriso tse di teng go lema le go jala kwa ntle ga go tshwenya dikobelo.
Mo ntlheng ya dijalo tsa mela, temo le tlhagolo di ka lekanyediwa mo meleng e e jetsweng, le go tlogela dikgaolo tse di magareng ga mela le dikobelo. Mefero e ka laolwa ka khemikale.
<fn>PulaImvula. Pula.2010-01.tn.txt</fn>
Lenaneotlhabololo la Balemirui le tlhaeletsana ka dikgannyana tse di botlhokwa mo montshakunong ka lokwalodikgannyana lwa kgwedi le kgwedi - Pula/Imvula.
Go phasaladiwa dikhophi tsa Pula/Imvula di le 18 000 kgwedi le kgwedi ka dipuo di supa - English, Afrikaans, Sesotho, Setswana, Sesotho sa Leboa, Sezulu le Sethosa. Kgwedi le kgwedi, Pula/Imvula e na le ditsebe tse robedi tse di etleediwang ke Maize Trust, Winter Cereals Trust e na le ditsebe tsa tlaleletso ka Sesotho ka Mopitlwe, Seetibosigo, Lwetse, le Sedimonthole. OPOT e na le ditsebe tsa tlaleletso di le nne tse di gatisiwang ka dipuo tsotlhe (kwa ntle ga Sethosa) ka Ferikgong, Moranang, Phukwi le Diphalane.
Re tsaya matsapa otlhe go akaretsa dikgannyana tse di botlhokwa thata mo montshakunong tsa kgwedi e e rileng. Dikgannyana tse tsotlhe tse di ka ga lefatshe, temothuo, mekgwatiriso ya ntshokuno, thekiso, tirisometšhine le tsamaiso.
Re sa ntse re leboga gape baetleetsi ba lenaneo le go re naya tšhono go dira tshwaelo mo temothuong e e tlhabologang le ntšhwafatso mo mofameng wa temothuo.
<fn>PulaImvula. Radio.2010-01.tn.txt</fn>
Radio ke tsela ya tshedimosetso e e maatla thata go fitlhelela balemirui mo mofameng o o tlhabologang. Mananeo a beke le beke a engwa nokeng ka botswapelo mme tshedimosetso ya madirelo e ka fetisediwa go balemirui ka tsela e.
Radio Umhlobo Wenene (Sethosa go tswa Kapabotlhaba).
Go reng re tlhama Ditlhophathutano le gore o ka se simolola jang?
Ke nako efe e e siametseng go simolola go bereka?
Ntshokuno ya dijo.
Metsi - go jala o tshwanetse go bereka mmu ka tsela o o tlaa tsholang metsi mo puleng, fa o le lesego go tswa mo nosetsong.
Dijo - o tlhoka monontsha go neela dimela tsa gago kgolo e e siameng o tlhoka N, P le K ka dilekanyo tse di nepagetseng go nna le tlhamegomedi e e siameng le kgolo e e siameng.
Borakonteraka - leng, go reng le gore o ba dirisa jang. Ke sekasekile mathata le mesola. Go botlhokwa go itse ditshenyegelo tsa tiro ya tshugommu nngwe le nngwe gore o se ke wa duela go feta jaaka o tshwanetse. Fa e le gore o na le didiriso tsa gago, di dirise, tsweetswee.
Fa mela e mebedi e e bapileng e na le mebala e e farologaneng - bothata e ka nna eng?
montshakuno o tlaa rwala molato wa ditlhotlhwa tse di tlhatlogang?
Rulaganya sentle mme o akanye sentle.
<fn>PulaImvula. RainfallMaize.2009-09.tn.txt</fn>
Photos: Setshwantsho 1.
mm ka ngwaga.
Bongola ke ntlha ya botlhokwatlhokwa thata e e tlhotlheletsang ntshodikuno ya dijalo. Kgaolo nngwe le nngwe e na le palogare ya go na ga pula go go kwadilweng. Palogare e, ya go na ga pula e tlaa neelana ka kaelo e e siameng thata ya gore ke dijalo dife tse di ka jalwang mo kgaolong e e totobetseng mo maemong a e seng a nosetso. Foo nosetso e kgonegalang, dintlha dingwe tsa tlelaemete di nna botlhokwa thata ka gore ditlhokego tsa metsi di ka tsamaisiwa ka nosetso.
Go tshwanetse go gakologelwe gore le mororo selekanyo seo sa pula se ka na, ga se gore dimela di tlaa bona metsi ao otlhe. Fa pula e ka na ka lebelo, merwalela e ka oketsega. Fa mmu o le mothulama, merwalela le teng e tlaa oketsega. Go ya fela ka tshugommu, mmu o ka nna le llaga e e katisegetseng e e tlaa thibelang monyelo. Fa mmu o se na kobelo, mowafalo e tlaa oketsega. Mofuta wa mmu le ona o tlhotlheletsa gore ke bongola jo bokae jo bo ka bolokwang mo mmung, mme go nna teng ga mofero mo tshimong go ka dirisa bongola jwa mmu, mme bo tlhaele dijalo. Palogare ya go na ga pula le mowafalo ngwaga le ngwaga mo Aforikaborwa e bontshiwa mo setshwantsho 1.1 le setshwantsho 1.2 (DWAF, 1986).
Kwa tlase ga 20% ya boalo jwa naga ya Aforikaborwa ya disekwerekhilomitara tse di dimilione tse 1,05, bo na le tlelaemete ya sekahuhudi (semi-humid) ka palogare ya go na ga pula ya go feta 750mm/ngwaga le palogare ya mowafalo e e kwa tlase ga 1 400mm/ngwaga - se se ka tsewa jaaka maemo a a siametseng kgolodimela le ntshodikuno ya dijalo.
Dikgaolo tsa pula e e fetang 500 mm/ngwaga le mowafalo e e kwa tlase ga 1 800 mm/ngwaga, di akaretsa bogare jwa nagagodimo, kgaolo ya lobopo ya botlhaba, le kgaolo ya pula ya mariga. Nosetso ya mefutafuta ya dijalo e mentsi, gammogo le temo e e seng ya nosetso ya bontsi jwa mmidi, lotlhokasukiri le korong, e diragala mo dikgaolong tse ka kakaretso. Kgaolo e e setseng ya naga bogolosegolo ke tlelaemete e e bothitho, sekakgwatata le kgwatata, ka pula e e magareng, e e tlamelang ka kwa tlase ga 50% ya ditlhokego tsa mowafalophufudi ya dijalo mo kgolong le ntshodikunong e e kwa godimo. Ka jalo nosetso e botlhokwa thata mo phulong, jalomaungo le temodijalo mo dikgaolong tse.
<fn>PulaImvula. Resources.2008-08.tn.txt</fn>
Ditlamelwana - o di dirisa jang?
Tshekatsheko le tiriso e e feletseng ya ditlamelwana tsotlhe tse molemi a nang natso di masisi thata mo katlegong ya sematlole ya bofelo ya molemi mongwe le mongwe.
Lefatshe le polase - go akaretsa tiriso ya lefatshe, boleng jwa lefatshe, bong (ownership) jwa lefatshe le sebopego tsa tsamaiso ya polase.
Metsi le metsitlane - go akaretsa ditshenyegelo tsa nosetso le metsi, boleng jwa metsi, seemo sa metsitlane le melebo.
Kitso le bontshadikuno - go akaretsa lotso lwa dijalo le diphologolo, patlisiso le tlhabololo, baeyothekenoloji mo temothuong le kgolo ya dikuno tsa ntshodikuno tse di nonofileng.
Tsamaiso ya ntshodikuno tsa temothuo - go akaretsa tsamaiso ya kgwebo ya polase, tsamaiso le tshomarelo ya mmu, mekgwatiriso ya tsamaiso ya disenyi, mekgwatiriso ya tsamaiso ya dikotla, mekgwatiriso ya ntshodikuno ya diphologolo, le tikologo, tsamaiso ya metsi a nosetso, tsamaiso ya thekenoloji ya tshedimosetso le dithulaganyo tsa ntshodikuno di kopantswe le mekgwatiriso ya tshomarelo e e siameng.
Ntlha ya botlhokwa e nngwe e e ka tsewang e le karolo ya tsamaiso ya thekiso - kwa ntle ga mmaraka wa dikuno, ga go mosola go di ntsha.
Le mororo dintlha tsotlhe tse di le maleba tota mo kgwebong ya temothuo e e atlegileng le e e tswelelang, kgannyana e e tla tsepama mo tshekatshekong ya kgono ya lefatshe le tsamaiso ya lefatshe jaaka tlamelwana e e nang le maungo gore go kgonwe go dira kgwebo e e nang le poelo le e e tswelelang. Dintlha tse dingwe tsotlhe di tshwanetse go tsewa tsia fa go dirwa ka mekgwa ya ntshodikuno e e tla tlhagisang ditshenyegelo tsa tlhamalalo le tse di sa tlhamalalang tse di batlegang fa go logiwa maano a kabo ya ditlamelwana tsa madi, mo tshetshereganong ya kumogotlhe ya kgwebo ya gago ya polase.
Lefatshe le magareng a ditlamelwana tsa botlhokwatlhokwa tsa naga nngwe le nngwe. Batsamaisi ba dipolase ba tsaya ditshwetso ka tiriso ya lefatshe letsatsi le letsatsi go ya fela ka maemo a mmaraka, dipholisi tsa mmuso le dipharologantsho tse di kgethegileng tsa lefatshe ka bolona.
Masimo a a nosiwang.
Mo ditirisong tse go akareditswe dikgaolo tse di diriseditsweng thwalo ka dipalangwa, dirapa le naga ya diphololgolo tse di tlhaga tsa dinagamagae, ditiriso tsa phemelo le madirelo, bonno jwa polase, ditsela tsa dipolase le ditoropo tsa magae. Tshalelo ya lefatshe e abelwa metsitlane, ditsopotla, mekgatsha, dinoka, matamo, matlapa a a sa tlhogang sepe le kgaolo ya sebaka.
Balemirui mo Aforikaborwa ba ka iponela ditlamelwana tse ka go tlhagisetsa batshwaratlhapi ba bojanala le bathuntshanonyane ditšhono, ka go dira jalo ba itirela lotseno lo lo sa amaneng le ntshodikuno ya tlhamalalo. Ditlamelo tse di abelwang lefatshe di ka tlhagisiwa ka dipoelo tse di amanang le ditiriso tse di gaisanang tse di farologaneng mme di ka farologana go ya ka boleng jwa lefatshe le kgaolo e lefatshe leo le leng mo go yona.
Lefatshe la Temothuo la ntshodikuno e e kwa godimo thata le tlhalosiwa ke batho jaaka lefatshe le le nang le kopanyo e e gaisang ya dipharologantsho tsa sebopego le sekhemikale tsa go ntsha dijalo tsa dijo, furu, tlhale ya phepo le dipeo tsa oli.
Lefatshe le tshwanetse le bo le le mo kgaolong e e nang le boleng jwa mmu, setlhakgolo le tlamelo ya bongola tse di tlhokegang mo go ntsheng thobo e e tswelelang ya dijalo fa le alašwa le go tsamaisiwa, go dirisiwa mekgwa ya temothuo e e amogelesegang, go akaretsa tsamaiso ya metsi le mekgwatiriso ya tshomarelo.
Le le boruma go monyela metsi le mowa.
Le sireletsegile mo merwaleleng.
Ntshodikuno go tswa mo lefatsheng la temothuo le le nonneng e ka akaretsa dikuno tsa dijalo jaaka mmidi, mabele, korong, habore, sonobolomo, khanola, dinawa tsa soya, motsoko, merogo, dikuno tsa botlhogisetso, katune le dikuno tsa loruo go tswa mo dikgomong tsa nama le tsa mašwi, dinkung, dipoding, dikokong le diphologolong tse di tlhaga. Dithulaganyo tse di farologaneng tse di ntshang se le sengwe kgotsa go feta sa dijalo ka tsela ya thefosanyo le tshwaragano le dithulaganyo tsa loruo tsa go iphulela mo nageng kgotsa tsa phepo di setse di diragaditswe ke balemirui mo lefatsheng ka bophara.
Diphetogo tsa tiriso ya lefatshe di ka ama tikologo le tsweletso ya ntshodikuno. Ka dinako dingwe dikamego mo tikologong jaaka kgogolego, boleng jwa metsi le bonno jwa diphologolo tsa naga gantsi ga di bontshiwe mo dipalelong tsa dipoelo tsa poraefete, e bile modirisalefatshe ka sebele sa gagwe o ka bo a tshwenyega fela ka se se tsenang mo kgetseng ya gagwe go na le ka tiriso e e tswelelang ya lefatshe. Ditlhopho tsa tiriso ya lefatshe tse di feletseng mo mothong ka sebele di ka bo gongwe e se tse di feletseng mo morafeng.
Mong wa lefatshe yo o batlang go dira dipoelo tse dikgolo o tlaa abela karolo ya lefatshe tiriso e e tlaa mo nayang thobo ya dipoelo tsa seikonomi tse di solofetsweng tse di kwa godimodimo.
<fn>PulaImvula. Safety.2008-01.tn.txt</fn>
Jaaka beng ba diterekere le didiriso, o tshwanetse go elwa tlhoko ntlha ya gore o rwele maikarabelo a mongwe le mongwe yo o dirang ka didiriso tsa gago re ka fa tlase ga melao e e farologaneng e e tsamaelanang motlakase, kgeleloleswe, tsenyomowa, diaparotshireletso, phepafatso dimatšhine gammogo le peoleitlho ya bao ba ba dirang ka didiriso tse kotsi.
Hhaelo ya dithebe tsa tshireletso.
Dirisa sediriso se se siameng: Ae pateletse didiriso tse dinnye go dira tiro ya sediriso sa tiro e e bokete.
Hamela didiriso ka tlhokomelo: Ishola didiriso di le bogale kgotsa di nyalantswe sentle mme o di phepafatse gangwe le gape. Netefatsa gore mekgothi e gagamaditswe ka tshireletsego.
Dirisa digalase tsa pabalesego le didiriso tse dintsi. Dirisa maseke wa sefatlhego le lorole fa tiro ya go sega e diragala mo loroleng.
Ishola disireletsi di le mo maemong le seemo sa go dira.
Kgaphela bana kwa thoko: Baeng botlhe ba mo bodirelong ba tshwanetse go nna sekgala se se babalesegileng go tswa kgaolong ya bodirelo.
Ishola kgaolo ya bodirelo e le phepa: Dikgaolo tse di makgerokgoro le dibanka di laletsa dikotsi.
Boloka didiriso tse di sa direng: Fa di sa dirisiwedidiriso di tshwanetse go bolokwa - go tswa mo tseleng. Gokolola didiriso tsa motlakase tsotlhe fa di sa dire.
Apara diaparo tse di maleba: Diapare tse di masabusabe di kgona go tshwarega mo dikarolong tse di tsamayang.
Sireletsa tiro: Dirisa ditlelempe kgotsa baese go tshwara tiro. Go babalesegile go na le go dirisa mabigo a gago e bile go golola mabogo a gago oomabedi go dirisa sediriso.
Se pateletse sediriso: Se tlaa dira tiro botoka le ka pabalesego ka selekano se se se diretsweng.
O se ke wa gabalala: Eina sentle o balansitse ka dinako tshotlhe.
Goga dipannere - se di kgorometse. Fa o tshwanela go kgorometsa, dirisa serethe sa seatla mme seatla se nne se bulegile. Se se tlaa boloka dinoko tsa menwana.
Dirisa didiriso tse di motsu di sa leba kwa go wena. Ka tsela e o tlaa efoga kgobalo fa sediriso se relela.
Didiriso tsotlhe tsa motlakase di nne le "earth". Dirisa polaka ya dintlhatharo kgotsa adapotara ka mogala o o gokeletsweng fa go tshwanetseng.
O nne le lesedi le tsenyomwa tse di lekaneng. Netefatsa gore kgaolo ya ditafole tsa go berekola di na le lesedi le le lekaneng le gore mesi yotlhe ya diekesoso e tswela kwa ntle ga bodirelo.
Nna le lebokoso la thusopotlako gaufi ka gale. Alafa dikgobalo tse dinnye ka bonako go thibela tshwaetso.
<fn>PulaImvula. Safex.2008-04.tn.txt</fn>
Jaaka bana, re ne re rutla gore 'lo se ka lwa jela mabele mogwannye - fela gangwe fela fa o setse o robile dijalo tsa gago, ke tsa gago tota, jaanong o tshwanetse go swetsa gore a ke o di rorele difaleng gona jaanong kgotsa go di boloka le go ema go fitlhelela ditlhotlhwa di tlhatloga (gongwe fa o se lesego, di fokotsega) - ke gore fa, re tsaya gore ga o na konteraka ya thekiso, eo o tshwanelwang ke go e tlotla fa e le teng.
Ke dintlha dife tse ke tshwanetseng go di akanya ka polokelo?
A ke na le ditshiamelo tsa tshwaro, phepafatso le polokelo mo polaseng?
A ke rorel dithoro ka tlhamalalo kwa difaleng tsa poraefate go tswa masimo (fa ke roba) kwa meleming o mongwe, tshilong kgotsa badirising ba bangwe ba dikuno tsa mmidi?
Fa mmidi o tlaa bolokwa mo polaseng kgotsa kwa motsamaising wa sefala sa kgwebo, ditshenyegelo tsa poloko ka tono e tlaa nna bokae?
A ditshenyegelo tsa poloko di tlaa bona dipoelo tse dintsi morago ga go duela tsalo le dituelelo (Buisa mokwalo o mosesane mo konterakeng nngwe le nngwe e o tsenang mo go yona ya poloko)?
Maemo a motsamao o o solofetsweng wa ditlhotlhwa tsa dithoro ke afe?
Bona tshedimosetso e ntšhwa ya dithulaganyo tsa thekiso dife kampo dife tse di ikaegileng, ka bonnye, dipatlisiso tsa mebaraka tsa beke le beke tsa ditsamao tsa tlelaemete le ditlhotlhwa morago ga go rerisana le moemedi wa gago kgotsa mogakolodi wa thekiso wa gago.
Ke dintlha dife tse di tlhotlheletsang tlhotlhwa ya mmidi mo Aforikaborwa?
Fa go na le lefetiso la mmidi mo Aforikaborwa (jaaka ka 2004 ke 2005) tlhotlhwa ya mmidi ya Safex e ganelela go gweba gaufi le tekatekanoboleng ya thomelontle.
Fa go ka bonala e kete go tlaa nna le tlhaelo ya mmidi mo Aforikaborwa (jaaka ka 2006 le 2007) ditlhotlhwa tsa mmidi tsa Safex di ganelela go gweba gaufi le tekatekanoboleng ya thomeloteng.
Tlhotlhwa ya mmidi ya boditšhaba ke karolo e kgolo thata mo palelong ya ditlhotlhwa tsa tekatekanoboleng ya thomeloteng le thomelontle.
Ditlhotlhwa tsa mmidi tsa boditšhaba gape di farologana letsatsi ka letsatsi go ya ka kemo ya boditšhaba.
Phetogo mo tlhotlhweng ya boditšhaba e ka tlhola phetogo mo dilekanyong tsa tlhotlhwa ya tekatekanoboleng ya thomeloteng.
Ditlhotlhwa tsa tekatekanoboleng tsa tlhomeloteng tsa mmidi wa USA le Argentina gantsi di dirisiwa jaaka letshwaokaelo la tlhotlhwa ya mmidi wa Aforikaborwa.
Ditshenyegelo tse di golaganngwang le palelo ya tlhotlhwa ya tekatekano ya thomeloteng le thomelontle jaaka tlhotlhwatheko ya mmidi mo mmarakeng wa boditšhaba (tlhotlhwa ya mmidi ya 'free - on - board mo nageng nngwe), ditshenyegelo tsa thwalo ka lewatle le inšorense ya morwalo, di bewa tlhotlhwa le go duelelwa ka dolara ya USA.
Go fetolela ditshenyegelo tse kwa ranteng ya Aforikaborwa di tshwanetse go ntsifadiwa ka kelokananyo ya Ranta/Dolara ya USA.
Go wela tlase le godimo ga kelokananyo ya ranta/dolara ya USA, le gona go tlaa tlhola phetogo mo ditlhotlhweng tsa mmidi tsa tekatekano ya thomeloteng le thomelontle.
Mmidi wa Aforikaborwa o gweba letsatsi le letsatsi mo mmarakeng wa dikuno tsa temo wa South African Futures Exchange (Safex) o leng karolo ya Johannesburg Stock Exchange (JSE).
Safex e ka tlhalosiwa jaaka thulaganyo ya thekiso ya koo barkei (Sekew: basidi bam midi) le barekisi (sekao bantshi bam midi) ba ka lwela go reka le go rekisa mmidi ka seileketeroniki mo pakeng e e kgethegileng (kgwedi).
Mmaraka wa dikuno tsa temo wa Safex, o gweba letsatsi le letsatsi go tloga ka 09:00 -12:00.
Randfontein (Gauteng) ke lefelokaelo la tlhotlhwa yam midi.
Tlhotlhwa yam midi ya Safex, ka jalo ke tlhotlhwa yam midi o o roretsweng kwa Randfontein.
Fa mmidi o ka rorelwa kwa sefaleng sengwe fela go na le Randfontein, tekanyo e tshwanetswe go dirwa mo tlhotlhweng go emela ditshenyegelo tsa thorelo kwa Randfontein go tswa sefaleng seo, gammogo le ditshenyegelo tse dingwe.
Go balela tlhotlhwa ya mmidi ya montshadikuno, go fitlhelela kwa tlhotlhweng ye montshadikuno o tlaa e amogelelang mmidi wa gagwe, fa o roretswe kwa sefaleng se se kwadisitsweng mo Safex go na le sa Randfontein, go tshwanetswe go dirwe dikgogo dingwe mo tlhotlhweng yam midi ya Safex.
Ntsho ya ntlha ke pharologano ya lefelo (e e leng tshenyegelo ya thoro e e baletsweng go tswa sefaleng se se kgethegileng seo go ya Randfontein) e e phasaldiwang ke Safex ka ngwaga.
Fa mmidi o roretswe kwa sefaleng sa kgwebo, kgwebo ya temothuo (e e beng ba sefala seo) e tlaa duedisa tuelo ya tshwaro.
Gale tuelo ya thekiso e tlaa duedisiwa ke kgwebo ya temothuo kgotsa setlamo se se gwebisang fa mmidi o sa rekisiwe ka tlhamalalo kwa mosiding wa mmidi (sekao, mmidi o rekisiwa ke kgwebo ya temothuo mo boemong jwa molemi).
Fa mmidi o sa rekisiwe ka tlhamalao morago ga go gorosiwa (o bolokwa nakwana) go tlaa tshwanelwa ga dirwa tshiamelo ya ditshenyegelo tsa polokelo.
Go botlhokwa gore montshadikuno a tlhaloganye gore tlhotlhwa ya montshadikuno e e fitlheletsweng ke tlhotlhwapotlana e a ka e amogelang mo mmiding wa gagwe kwa sefaleng se se kgethegileng. Ka go buisana ka tlhamalalo ke setlamo sa tshilo, kgwebo ya temothuo kgotsa tsa kgwebo ya dithoro tse dingwe, o ka bona tlhotlhwa e e botoka go ba le tlhotlhwa ya montshadikuno e e fitlhetsweng.
Go botlhokwa thata mo montshadikunong go gopola gore ke mong dijalo tsa mmidi - ke wag ago go o rekisa mme fa o sa kgotofalela tlhotlhwa, rerisanela (tlhotlhwa e e botoka, tlhotlhwa ya Safex ke) tlhotlhwapotlana e e kwa tlasetlase e o tshwnetseng go ikemisetsa go ka e amogela.
<fn>PulaImvula. School(maize).2011-05-11.tn.txt</fn>
Graph 1: Dikolo tse di etetsweng ka kotara ya ntlha ya 2010 le 2011.
Graph 2: Baithuti ba ba etetsweng ka kotara ya ntlha ya 2010 le 2011.
Graph 3: Baithuti ba ba tsenetseng dithuto tsa kotara ya ntlha.
Ka 2010, Grain SA e simolotse lenaneo la dikolo ka thuso ya Maize Trust. Lenaneo le bone katlego. Mo kopong ya rona go Maize Trust re ne gape ra kopa tlamelo ka matlole ya lenaneo la dikolo. Ka lorato Maize Trust e ne ya rebola matlole go tsweletsa ketelo kwa dikolong.
Go botlhokwa thata go rotloetsa bana go itse le go lemoga boleng jwa temothuo jaaka motswedi wa dijo le tlhale, monnaleseabe yo mogolo mo ikonoming, jaaka mothapi le kgetho ya boiphediso. Go feta halofo ya baagi ba Aforika ba kwa tlase ga dingwaga tse 20. Bana ke badirisi ba gajaana, badirisi ba isagwe le moloko o o latelang wa badiri, ka jalo bonako jo re ka bo lemosang boleng jwa temothuo ka kakaretso ka jona le madirelo a mmidi ka kgethego ke bonako jo re ka solofelang go bona ba tlhaloganya botlhokwa jwa yona.
Monongwana maikaelelomagolo a porojeke ya rona ke go dira diDVD tse tharo tse di farologaneng tse di bontshang lephata la temothuo, madirelo a mmidi gammogo le temothuo jaaka tlhopho ya boiphediso. Dipalo tsa bana di dintsi thata - mo sekolong sengwe le sengwe re tshwanela go tsaya tshwetso gore a re bona bana botlhe mmogo (ka gore ditlhopha tse dikgolo ga di tsamaelane le tlhoafalo le go nna le seabe), kgotsa go ba bona ka ditlhophana tse di farologaneng (se se rayang gore mokatisi o tshwanetse go boeletsa thuto e e tshwanang gantsi). Re ikopantse le ba Agri-SETA ka Diphalane 2010 go kopa kemonokeng ya bona ya lenaneo. Ba supile fa ba tlaa aba R360 000 mo go dirweng ga diDVD tse tharo. Re amogetse kabo ya bona ka diatla tsoopedi le go simolola tiro ya thaopo ya go bona motlamelakaditirelo yo o tshwanetseng yo o ka dirang diDVD. Kwa bofelong re tlhophile Martie Willemse go tswa ga Noline Products, mo DVD ya ntlha, le PW van Wyk go tswa Agri TV mo DVD ya bobedi.
Batlhagisi (presenters) ba ne ba tlhophiwa mo dikgaolong di le lesome tse di farologaneng e bong Foreisetata, Bokonebophirima/Gauteng, Kwazulu-Natala, Kapabotlhaba le Mpumalanga. Mo kotareng ya ntlha go etetswe dikolo di le 180 koo DVD e neng ya tshamekelwa baithuti. DVD e dirilwe ka tsela e e leng gore go na le mafelo a le mararo a go ka emisiwang mo go ona gore motlhagisi a buisane le baithuti ka diteng tsa yona. Morago ga kokoano, sekolo se sa ntse se fiwa phousetara jaaka segakolodi sa diteng tsa DVD ya ntlha - Dijo, Tlhale le Botshelo.
Baithuti ba ba farologaneng ba dikolo tse di etetsweng ba ne ba bodiwa fa letsatsi leo e ntse le le mosola mo go bona. Ditshwaelo tse di latelang di ne tsa amogelwa.
"Ga ke itse gore ke simolole kae, fela se nka se buang ke gore ke ithutile thata mme nka itumelela go ithuta go feta fa. Ke dumela gore go botlhokwa tota go jala ditlhare, jalo le jalo, gore re tle re tshele botshelo jwa rona sentle re itumetse ka gale. Gape ke ithutile gore tiro ya go jala ga se ya balemi fela, rona jaaka batho ba bašwa, re tlhoka go itse go le gontsi ka temothuo gore re tle re kgone go ntshetsa batho ba bangwe dijo, mme go tloga gompieno ke ya go itirela tshingwana ya merogo ka gore ke ithutile gore nka fitlhelela go le gontsi ka go jala. Ka jalo ke itumetse thata mme ke rata go leboga Grain SA ka go re ruta gore temothuo e ka nna botlhokwa go le kae. Ke eleletsa Grain SA masego, Modimo o ba thuse go fitlha re kopana gape."
"ke ithutile dilo di le dintsi tse re neng re sa di itse, jaaka gore 90% ya dijo tsa lefatshe e tlhagisiwa ke balemirui. Re tlhoka balemirui ba le batlhano go dira beke e le nngwe. Bangwe ba rona re ne re sa itse gore diaparo di dirwa ka boboa jwa phologolo mme diphologolo ke karolo ya temothuo. Re ne re akanya gore temothuo ke fela ka go dira temothuo fela gompieno re lemogile gore re ne re fositse. Tota ke ka ga balemirui gonne kwa ntle ga balemirui, ga go na dijo".
"Ee! Tlhagiso e tlhalogantswe sentle mme re ithutile thata ka temothuo. Ga re ka ke ra tshela kwa ntle ga temothuo. Nnete ke gore go na le kgolagano e e kitlaneng magareng ga tikologo ka gore balemirui ba ntsha dijo go tswa mo diphologolong le dimela. Re ithutile gore se re se aparang se tswa mo temothuong e bile re ithutile gore sonobolomo e ntsha oli mme gape katune e ka ntsha marokgwe a dijini go sa kgathalasege setaele. Re ithutile gape gore fotosenthisise e diragala mo dimeleng tse ditala le tlelorofele e tswa dimeleng tse ditala. Re a go leboga Grain SA, go ntse monate go nna le wena ".
"Ee, ke ithutile gore re ka dira pharologano fa e ka re sekolo se tswa ra ya go dira kwa polaseng le go thusa gore rotlhe re bone dijo. Gape ke bone gompieno gore dijo tsotlhe le dikuno tsa rona tse re di jang di tswa kae, mme ga go bonolo go di dira jaaka rotlhe re gopola. Ga ke ise ke ke ke akanye thata ka tsenelelo ka ditirego tsa go dirwa ga dikuno, mme e ntse se se kgatlhisang tota. Ke a leboga!"
"Ee, gonne go monate go itse go le gontsi ka temothuo mme ke ithutile gore mmu ke ona motswedi o mogolo wa lefatshe. Sengwe le sengwe se re se bonang gompieno se tswa mo diphologolong le mmu, mme se e ntse maitemogelo a magolo mo go nna. Rremogolo le ena o ne a le molemirui, fela o ne a se na maitemogelo jaaka rre yo o jalang dilo tse di farologaneng jaaka Khabetšhe le ditapole. Ke ka rata go tsweletsa boswa jo jwa borraetshomogolo pele, mme rre o ka ipelafatsa thata ka nna. Ka jalo se e tlaa nna selo se nka se se lebaleng. Ke a leboga ".
Ke lemogile gore kwa ntle ga temothuo re ya go bolawa ke tlala mme re ya go tlhoka le diaparo tse re ka di aparang. Mo go nna temothuo e siametse batho, diphologolo le tse dingwe. Ke rata go rotloetsa batho ba ba bolayang diphologolo le dimela gore ba khutle go dira jalo gonne fa ba tswelela go bolaya dimela re a go tswelela go sotlega re se na dijo, dikgong, fanitšhara, matheriale o o aging matlo le go sotlega ka go tlhoka dikwalelo, mme fa re bolaya diphologolo le teng re ya go sotlega re se na diaparo le dijo.
"Ke bone gore kwa ntle ga temothuo batho ba ya go sotlega mme batho ba ya go fela le go swa. Kwa ntle ga temothuo ga go ne go nna le diaparo le dijo le setlaagana. Temothuo e botlhokwa mo matshelong a rona ka gore kwa ntle ga yona dilo di le dintsi mo lefatsheng ga di kitla di nna teng. Ke a leboga."
"Go ne go kgatlhisa thata mo go nna ka gore dilo dingwe ke ne ke sa di itse. Ke thusegile thata. Ke eletsa gore Grain SA e boe gape. Ke ne ke sa itse gore reise e tlhoga ka fa tlase ga mmu le metsi. Sengwe gape se ke se ithutileng se ke neng ke sa se itse ke gore borraetshomogolo fa ba ne ba tshwanela go apara sengwe ba ne ba tshwanela go ya go tsoma gore ba bone se ba ka se aparang, fa rona re reka ka dishopong. Ke ithutile go le gontsi thata go feta ka moo ken eng ke solofetse. Tsweetswee lo boe gape lo tle go bontsha ba ba sa bonang. Ba tlaa gakgamalela go bona se ke se boneng gompieno. Se ne se itumedisa thata e le ruri!"
"E ntse le bokao jo bontsi mo go nna ka gore e ntemositse gore sengwe le sengwe se re se jang le se re se aparang se tswa mo tlhelogong. Ke ithutile gore balemirui ba na le seabe se segolo mo matshelong a rona gonne ba re jwalela tse re di jang le gore merogo yotlhe e re e jang e tswa mo mmung o o molemo. Balemirui ba netefatsa gore diphologolo tse re di jang di fodile le gona mmu o botlhokwa thata mo matshelong a rona. Batho ba tshwanetse go thokomela tlholego go seng jalo dijo di ka se nne teng gonne re dirisa milione o le mongwe wa ditono tsa mmidi ka ngwaga mme fa go tswelela jalo lefatshe le ka iphitlhela le le mo kotsing, mme se ntirile gore ke akanye thata ka se re nang le sona le gore re leboge thata".
"Loeto lwa Grain SA lo ntse le kamego e e siameng - gonne lo re fa kitso gore dikuno di dirwa jang lephateng la motheo, la sekontari go ya la thešiari. Se e ntse maitemogelo a a itumedisang thata mo go nna. Tota ke ne ke gakgamaditswe ke lotso lwa diretala. Go bona ditšhono tsa tiro tse motho o ka di bonang ka dilo tsa temothuo go nkgwetlhile go akanya. Ke ithutile gape gore diaparo tse ke di aparang letsatsi le letsatsi, di dirwa jang. Jaanong ke ya go tlhotlhomisa gore ke ditiro tsa boiphediso dife tse nka di bonang fa ke batla go tsena mo temothuong gonne ke bone gore batho ba ba se nang bokgoni ba ba sa direng le bona ba ka nna le tshwaelo - se se rayang gore go ya go tlholwa ditiro mme matshelo a mantsi a tlaa fetoga. Ke sa ntse ke re se e ntse maitemogelo a a gakgamatsang mo go nna".
"Ee, e ne e le mosola thata gonne ke ithutile go feta ka moo ke neng ke solofetse. Kwa tshimologong ke ne ke sa itse gore temothuo e botlhokwa jaana le gore e na le seabe se segolo mo matshelong a rona. Go a itumedisa go itse gore mosong ono ke tsogile le go ja dijo tse di dirilweng go tswa temothuong. Go itumedisa le go feta go itse gore ke apere diaparo tse di dirilweng go tswa temothuong. Se se itumedisang le go feta ke gore ke ya go robala ka dilaakane tse di dirilweng go tswa temothuong. Ke ne ke sa itse gore reise e tswa mo dimeleng. Go bua boammaruri temothuo e dira seabe se segolo mo matshelong a letsatsi le letsatsi a rona. Re tshwanetse ka gale go tlhokomela dimela tsa rona tota le tseo tse re ithayang re re ga di na mosola gonne ke ne ke akanya gore dimela tse di tlhogang mo metsing ga di na mosola le e seng go fitlhela ke lemoga gore reise e tswa mo semeleng sele se ke neng ke re ga se na mosola. Ke tota ke lebogela gore Grain SA e bo e etetse sekolo sa rona gonne ba re rutile dilo di le dintsi ka temothuo. Ke ya go letela loeto lwa bona lo lo latelang ka botswapelo. Ke a leboga ba Grain SA go re naya kitso e".
"Ke ithutile go le gontsi gore dikuno di tswa kae le kwa di ileng teng pele di nna dijo tse ditala. Re ithutile ka moo dimela le diphologolo di leng botlhokwa ka teng mo go rona le gore di re tlamela ka eng. Re ithutile gape gore fa dijo di tswa kwa lephateng la motheo di ya kwa lephateng la madirelo go fitlhelela kuno ya bofelelo. Di re tlamela gape ka diminerale le tlhale".
"Ee, go ne go itumedisa thata gonne ke ithutile go le gontsi le go feta ka temothuo. Ke motho yo o tlotlo le yo o utlwisisang mme ka ntlha ya loeto lo jaanong ke tlhaloganya go le gontsi ka temothuo mme ke eletsa go ithuta go ya pele ka yona. Go ne go siame tota. Ke rata go dira temothuo mme ke dumela gore go na le ditšhono tse dintsintsi tsa tiro. Ke ka itumela fa mokatisi wa Grain SA, Rre A Thomas a ka nkaraba. A e se ke ya nna mo sekolong sa rona fela, fela ke ka rata gore lo nne mafoko a a molemo mo dikolong tse dingwe".
"Ee go ntse le boleng jo bogolo mo go rona gonne e re baakanyetsa temothuo mo isagweng. Puo e e re thusitse gape go bona ka moo temothuo e leng botlhokwa mo dijalong, diaparong, ditlhakong le maatla. Gape re rotloediwa go tsamaelana le temothuo".
Ee, e re sedimoseditse ka foo dijo tse re jang di tlang ka teng kwa go rona, le gore di dirwa jang. Gape e dirile gore re bone lotlhakore lo longwe lwa temothuo le mesola ya lona. E re sedimosetsa gore diaparo tse re di aparang tse di dirwa le go tla jang kwa go rona.
"Ee, gompieno ke lemogile gore tota 90% kgotsa go feta ya dilo tse re di dirisang letsatsi le letsatsi di tswa mo temothuong. Re na le tlwaelo ya go ikaketsa ka dilo tse re di jang, diaparo tse re di aparang mme gantsi ga re leboge se bontsi jwa balemirui ba re se direlang. Matsapa a balemirui le diphologolo tse di tlhabelwang nama ya rona, dikgetsana tsa letsogo tse di dirwang ka letlalo le boboa. E ntse tshiamelo le tlotlo e kgolo go rutwa le go gakololwa ka ga dilo tse ke Grain SA. Ka jalo ke akanya gore re tshwanetse gore re tsee tsia thata le go fokotsa kgotlelegoloapi gonne ga e siamela lefatshe la rona".
"Loeto lo ne lo le mosola mo go nna mme ke dumela gore bontsi jwa sekolo, fa e se sekolo sotlhe, bo ikutlwa jalo. Ke ithutile go le gontsi mo loetong lo, bogolosegolo gore ditlhokego tsa batho ba bantsi di tswa mo madirelong a temothuo. Go tswa mo tiragalong ya khudugelotoropong ya go tswa polaseng go ya ditoropokgolong. Temothuo e dira jaaka motlhodi mo ntshokunong ya dijo lefatshe ka bophara. Go ka nna teng ga diaparo go tlhotlhelediwa ke ntshokuno ya temothuo. Re tlaa letela loelo lo lo latelang ka botswapelo".
" Ee, go boammaaruri gonne ke ithutile gore go na le dikarolo tse dintsi mo temothuong. DVD e ne e tlhalosa go le gontsi ka tsela e e kgatlhisang thata. E nthutile gore go na le metswedithuso e mentsi e e nang le boleng jo bogolo mme jaaka batho re tshwanetse go e tsaya tsia. Re tota re leboga gore go bo go na le batho ba ba tsayang nako ya bona go re lemosa ka ga dilo tse mme re letetse loeto lo lo latelang ka botswapelo".
"Ee, e ne e kgatlhisa le ya boleng jo bogolo. Nna ruri ke tlotla thata se ke se jang le kwa se tswang teng. Re lo lebogela go abelana kitso ya lona le rona, re itumetse go menagane. Tsweetswee tswelelang go dira jalo gonne ke sengwe se se khatlhisang tota".
Ee, ke dumela gore rona jaaka batho re tsaya dilo tsa temothuo botsatsa. Ga ke ise ke ke ke akanye ka dilo tsotlhe tse ke di utlwileng fa gompieno. Jaanong ke itse gore dikuno di tshwana le dikhonofoleike ga di tlhage bonolo fela jaaka rona re akanya. Ke nako gore re lebelele tlholego ka leitlho le lengwe. Tshwarang ka thata tiro e lo e dirang.
<fn>PulaImvula. SclerotiniaOpot.2009-04.tn.txt</fn>
Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa Yunibesithing ya Puso ya Dakota le Lefapha la Temothuo la Dinagakopano tsa Amerika.
Photo 1: Botlase jwa dimela tse di swabileng tse di bontshang dikgato tse di farologaneng tsa tshimologo ya kankere le go bola. Ela tlhoko setlelerotinia se sentsho le maesiliamo e tshweu. Kutu e e fodileng e ka fa molemeng.
Photo 2: Maesiliamo e tshweu kwa botlaseng jwa semela se se swabang.
Photo 3: Setlelerotinia mo teng ga pelo mo botlaseng jwa semela se se swabileng.
Photo 4: Pôlô ya bogare jwa letlhaka.
Medi e kopana le setlelerotinia mme sona se a tlhoga le go tshwaetsa medi; fankase e tswa semeleng go ya semeleng se sengwe ka medi.
Bolwetse = tatlhegelo ya thobo le koketsego mo pofaganong ya inokhulamo ya mmu.
Setlelerotinia se boela mo mmung ka nako ya thobo le tshugommu.
Mo kgannyaneng e re tlaa dira tshekatsheko e e tseneletseng mo bongweng jwa malwetse a magolo thata a a amang sonobolomo - malwetse a Setlelerotinia.
Malwetse a mararo, Setlelerotinia sa tshwabo, pôlôlotlhakagare le pôlôseako, a ka lemogwa mo tshimong. Setlelerotinia sa tshwabo se tlholwa ke ditshedinyana tsa fankase tse di nnang mo mmung tse di bidiwang setlelerotia (sclerotia) tse di sokamisang medi ya disonobolomo. Tshwabo e tlhaolegile mo malwetseng a mabedi a mangwe ka gonne e simologa mo meding. Setlelerotinia sa pôlôseako le sa pôlôlotlhakagare se tlholwa ke peo e e tsamayang ka mowa. Ke malwetse a fa godimo ga mmu ka kgolo ya bolwetse e e tshwanang. Malwetse otlhe ka boraro a tlholwa ke mogare o o tshwanang, Setlelerotinia, selerothiamo; fankase a a tshenyokgolo go gaisa, e fa gongwe e bidiwang fankase ya "mouta o mosweu". E, e sa ntse e le yona fankase e e tlholang mouta o mosweu wa dinawa tsa soya, dinawa tsa gale, khanyola le dijalo tse dingwe tse di tlhaselegang botlhofo.
Setlelerotinia sa tshwabo se tlhagelela fa sonobolomo e jetswe mo mmung o o tletsetletseng ka Setlelerotinia mme se ka tlhagisa tatlhegelo ya thobo e e boitshegang. Masimo otlhelele a nyeleditswe gotlhelele ke bolwetse jo. Tatlhegelo ya thobo e ikaegile ka palo ya dimela tse di tshwaetsegileng le gore di tshwaeditswe leng; fa palo ya dimela tse di tshwaetsegileng e le kwa godimo le tshwaetso e diragetse go sale gale mo kgolong, gona tatlhegelo ya thobo e tlaa boitshega. Ka palogare, semela se se tshwaetsegileng se ungwa 50% kwa tlase ga sejalo se se fodileng. Go ya pele, diteng tsa oli ya peo mo dijalong tse di tshwaetsegileng di a fokotsega. Fela ka sona selekano se, tshwaetso e isa kwa dilekanyong tse di oketsegileng tsa Setlelerotinia mo mmung. Se se ka tlhola gore masimo a se tlhole a lemiwa sonobolomo mo dingwageng tse dintsi. Ka jalo, Setlelerotinia ga se fokotse thobo fela, gape se ama le ntshodikuno le poelo ya seikonomi ya isagwe tsa sonobolomo.
Pôlôseako le pôlôlotlhakagare e tlhagelela mokabagangwe fale le fale, e bile di latela dipaka tsa pula e ntsi. Malwetse a a bonala boutsana mo dingwageng tse di omileng. Pôlôseako e fokotsa bounapeo le palo ya dithoro le go diga diteng tsa oli. Go nna teng ga setlelerotinia mo dithorong go ka fokotsa seemo (grade) le bolengthekiso jwa dijalo. Diako tse di tshwaeditsweng fa gongwe di sugega di sa le mo masimo, mme peo yotlhe e tlhotlhoregele mo mmung.
Go ya pele fa sephothi se thula dimela tsa ditlhogo tse di tshwaetsegileng, ditlhogo di a thubega mme peo yotlhe e latlhege pele e tsena mo sephothing. Pôlôseako ke bothata jo bo kgethegileng mo masimong a ntshodikuno ya peo gonne peo e e ntshitsweng mo ditlhogong tse di tshwaetsegileng e ka tswa e fokoditse tlhogô mme setlelerotinia se se ntshitsweng mo ditlhogong tse di tshwaetsegileng se tla kgotlela mantshapeo, le go ama ditiro tsa phepafatso le neelosetifikeiti. Ga go na botlhole jo bo ntshiwang ke setlelerotinia mo peong ya sonobolomo, fela kgotlelego e kgolo ka setlelerotinia ga e amogelesege mo tirisong ya batho le diphologolo. Ditlamorago tsa botlhokwa tse dingwe tsa malwetse a mabedi a ke gore ke ona ditselakgolo tse fankase e e tsenngwang mo masimong a sonobolomo a a phepa ka tsona. Se se diragala fa setlelerotia go tswa ditlhakeng le ditlhogo tse di lwalang di lemelelwa mo mmung. Disetlelerotia tse di ka tlhola tshwabo mo dingwageng tse di latelang.
Ditshupoponagalo tse di tlwaelegileng ke tshwabo ya matlhare ya tshoganyetso, polô ya medi le kankere ya botlase jwa kutu. Gantsi, tshwabo e bonala lwa ntlha mo masimong fela fa pele ga go thunya, fela dimela tse di tshwaetsegileng di ka bonala mo kgatong ya botlhogela. Kwa tshimologong dimela tse di tshwaetsegileng di aname fale le fale mo tshimong, mme morago di tlaa bonala ka ditlhopha mo meleng. Bolwetse jo gantsi bo tlhagelela ka dibata mo tshimong. Ka gore dimela di ka swaba mo sebakeng sa dibeke di se kae go tswa nakong ya tshwaetso, kupugo ya ditshupo mo tshimong e bonala e le bonako.
Ntho e e tletseng metsi e tlhagelela mo botlaseng jwa semela. Ntho e fetoga kankere ya botala jo bopududu go ya borokwa e fa gongwe e dikologang kutu. Fa polô e tswelela lotlhaka lo a setlhefala mme lo nna le ponalo ya go rafolega (kgasafala). Karolo e e bodileng e ka atologa ka bogolo jwa kgato kgotsa go feta go tlhatloga le kutu. Pelo e kwa botlaseng jwa kutu e a bola mme go nna le ditshedinyana tse di ikhuditseng tse dithata tse dintshonyana tse di bidiwang setlelerotia (tsa boatlhamo jwa 1/8 go ya 1/4 ya noko). Disetlelerotia di tlhagisiwa ke mogare (peo) mme di tlamela ka itshupo e e siameng ya bolwetse. Dimela tse di tshwaetsegileng di wa bonolo. Ka nako ya pula e ntsi, gantsi maesiliamo o mosweu o tlhagelela mo botlaseng jwa kutu, ke sona o bidiwang "mouta o mosweu" (white mould).
Polô ya meditlhakore le meditona ga e na bofapogo, jaaka gantsi semela se ka kumolwa. Lekwati la modi le le bodileng le oboga bonolo le go tlogela ditogakgotshwane tse di ditlhale mo lebaleng. Medi gantsi e nna le polô ka metsi, e e tlhomameng. Setlelerotia se ka bonwa mo meditlhakoreng e megolo le mo moditoneng.
Dimela tse di tshwaetsegileng kwa bofelong di a swa. Semela se ka nna sa ungwa peo kgotsa sa se ka sa ungwa; go ya fela ka gore tshwaetso e diragetse leng. Ditlhogo tsa dimela tse di swabileng di dinnye go na le tsa dimela tse di fodileng. Tshwabo e ka fokotsa thobopeo go bonala, bogolosegolo ka ntlha ya boima jo bo kwa tlase. Dimela tse di swabileng mo dikgatong tse di tsweleletseng tsa polômedi gantsi di ka wa mo diphefong tse di maatla.
Pololotlhakagare gantsi e bonwa ka nako ya kgotsa morago ga go thunya mo karolong ya bogareng kgotsa bogaregodimong jwa lotlhaka. E simologa e le ntho e e tletseng metsi e e borokwa kgotsa bopududu, gantsi mo kgotsa gaufi le nokoletlhare. Kankere e tlhagelela go dikologa lotlhaka mme togwa e e bodileng gantsi e nna e le metsi le botabutabu. Gantsi lotlhaka lo wa fa polô e setse e diragetse mme ditogwa tse di fa godimo ga kankere di swa. Gantsi maesiliamo e tshweu e e bofaganeng le setlelerotia sengwenyana di tlaa tlhagisiwa ka fa ntle le ka fa teng ga lotlhaka, bogolosegolo mo puleng e ntsi. Kwa bofelong ditogwa tse di tshwaetsegileng di a setlhefala le go nna le ponalo ya kgasafalo. Polôlotlhaka e ka tswelela go fologela kwa botlaseng jwa kutu kgotsa go tlhatlogela kwa seakong. Ka dinako tse dingwe letlhare le tlaa tshwaetsega ka Setlelerotinia mme fankase e tlaa bodisa lonono lwa letlhare (Petiole) mme kwa bofelong e fitlhelele kutu go tlhola polôlotlhakagare.
Ditshupo tsa ntlha tsa poloseako gantsi ke tlhagelelo ya maesiliamo wa fankase o mosweu o o tlhogang mo dikarolong tsa thunyo kgotsa tlhagelelo ya dikolo tse di tletseng metsi mo morufeng (karolo e e matseme ya tlhogo). Fankase e gola ka go phorosela mo morufeng, e o bodise le go tlhola maesiliamo o mosweu le disetlelerotia tse dintsho tse dikgolo tse dintsi. Morufa gantsi o a setlhafala mme o bonale bonolo go farologana le tlhogo e e itekanetseng. Morufa otlhe o ka bola mme llaga ya peo ya wa, go tlogela fela letlhotlholo le lesetlha le le kgasafetseng, le le akaretsang dingatana tsa lekgotshwana, tse di phephethang ka setlelerotia se segolo. Ditlhogo tsa letlhotlholo tse di setlhafetseng tse di iponatsa sentle mo tshimong, le fa o le kgakala tota. Fa go rojwa, ditlhogo tse di tshwaetsegileng gantsi di thubega fela mme dithoro tse di setseng di latlhege tsotlhe. Mo puleng e ntsi fankase e tlaa tlhoga mo godimo ga ditlhaka le go dira setlelerotia sa sekaletloa se segolo, se se ka khurumetsang bopele jwa tlhogo. Gantsi ditlhaka ga di a bola, fela bontsi ga di a tlala. Setlelerotia se segolo mo diakong se robiwa mmogo le ditlhaka. Setlelerotia se se tlhakaneng le ditlhaka se netefatsa gore tshimo e ne e na le polôseako. Polôseako ke bothata jo bo boitshegang mo masimong a ntshodikuno ya peo. Mo godimo ga ntshodikuno ya peo e e fokotsegileng, karolo e e ka fa ntle ya peo e ntsi e ka bo e tlhasetswe ke fankase ya Setlelerotinia, mme se tsale tlhogo e e fokotsegileng.
Sclerotinia sclerotiorum ke mogare o o nang le motseletsele wa moamogedi o o sephara tota; mme o ka tlhasela mefuta ya dimela e ka nna 370. Bolwetse bo itemogetswe mo sonobolomong, dinawa, soebini le khanyola; mme le gale dijalo tse dingwe tse dintsi di ka tlhaselega jaaka buckwheat, borage, flax, lentils, dierekisi, ditapole, masetete, crambe, Jerusalem artichoke le safflower. Dijalo tse tsotlhe tse ga di tlhaselege bonolo ka Setlelerotia jaaka sonobolomo, e bile dingwe nako nngwe ga di senyege le go senyega..
Mo marigeng Setlelerotinia se tshela jaaka setlerotia mo mmung le mo matlakaleng a dimela. Mo selemong fa medi ya sonobolomo e e golang e kopana le setlelerotia, setlelerotia se a tlhoga mme se tshwaetse medi. Fankase e gola go tlhatloga le medi e e tshwaetsegileng go tsena mo moditoneng, le mo kutung mme semela se swe. Gape se golela le mo meditlhakoreng e mengwe, kwa bofelong se bodise thulaganyo yotlhe ya medi. Ka gonne go na le kamano ya medi ya dimela tse di bapileng mo meleng, fankase e ka gola go tswa thulaganyongmeding e nngwe go ya go e nngwe mo moleng, mme go tlholege motseletsele wa dimela tse di swabileng. Dimela di ka swaba mo nakong ya dibeke tse pedi go ya go tse nne morago ga tshwaetso. Paka go tswa ditshupong tsa ntlha tsa tshwabo go ya tshwabong e e feletseng e ka nna ya nna fela malatsi a mane go ya a supa. Tswelelopele e e bobebe ya tshwabo ke lebaka le le lengwe gore goreng masimo a a bonalang a itekanetse a bonalang a hupediwa ke bolwetse fela mo dibekeng di le mmalwa.
Sonobolomo ke sona sejalo fela sa masimo seo Setlelerotinia se e tshwaetsang ka tlhomamo go tsena ka medi. Dijalo tse dingwe tse di ka tlhaselegang, di tshwaediwa ka "ascospores" mo dikarolong tsa semela tse di ka fa godimo. Se ke sona pharologanokgolo magareng ga sonobolomo le dijalo tse dingwe.
Fa jaaka fankase e gola mo teng le godimo ga ditogwa, disetlelerotia di a tlholega; bontsi bo tlhagisiwa mo pelong ya kutu e e bodileng le mo meding jaaka fa semela se swa. Go ka tlhagisiwa disetlelerotia di le 25 go ya 100 mo teng kgotsa godimo ga semela se se tshwaetsegileng. Disetlelerotia tse jaanong di busediwa mo mmung ka nako ya tshugommu le go dira jaaka metswedi ya tshwaetso mo dijalong tse di latelang tse di ka tlhaselegang. Disetlelerotia di tshela lobaka lo loleele mo mmung mme masimo a nna a tshwaetsegile dingwaga tse dintsintsi morago ga foo. Potso e bajadi ba bantsi ba e botsang ke gore setlelerotia se tlaa tshela nako e e kana kang mo mmung Bomadimabe ke gore go bokete go e araba gonne tshimo nngwe le nngwe e na le setlhophana sa dintlha tse di farologaneng tse di amang go falola, jaaka mofuta wa mmu, bongola jwa mmu le ditiragalo tsa jalodijalo. Dintlha tse di ama ditshedinnye tse dintsi tse di mo mmung tse di bolayang setlelerotia. Bongola jwa mmu jo bo kwa godimo le themphereitšha e e kwa godimo ke maemo a a siametseng tshwagafalo ya dimaekerobese tsa setlelerotia. Pholo e sa ntse gape e ikaegile ka pofagano ya inokhulamo (palo ya disetlelerotia mo mmung). Fa pofagano ya inokhulamo e le kwa godimo gona Setlelerotinia se tlaa tsaya lobaka lo loleele se tshela. Tshimo e e tshwaeditsweng mo go maswe e tlaa tlhoka dingwaga tse dintsi go jalwa dijalo tse di sa tlhaselegeng go fokotsa pofagano ya inokhulamo go nna selekanyo se se kwa tlase?
Disonobolomo di na le thulaganyo ya medithoko e e mositlha thata e e kgobokaneng mo llageng ya tshugommu. Se se bebofatsa kamano le setlelerotia. Thulaganyomedi ga e a nonofa sentle go fitlhelela ka nako ya go thunya, jaanong gape go na le kamano ya medi e e kwa godimo magareng ga dimela e e bebofatsang kamano ya mogare go tswa semeleng go ya semeleng se sengwe. Gape tsofalo e simologa morago ga go thunya e bile medi e ka tlhaselega bonolo ke mogare. Ano ke ona mabakamagolo a gore go reng bontsi jwa dimela tse di swabileng bo bonagala morago ga tshimologo ya thunyo.
Mo masimong a a tlhaselegileng dimela tsa ntlha tse di swabileng gantsi di tlaa tlhagelela morago ga malatsi a le 40 go ya 50 morago ga jalo, fela bontsi jwa dimela bo tlaa swaba morago ga go thunya. Dingwe di ka swaba fela fa pele ga go omelela.
Bontsi jwa ditaolo tsa botlhokwa tsa malwetse a Setlelerotinia a sonobolomo, ke go re go se ke ga jalwa mo masimong a a tlhaselegileng le go thibela kgolo ya setlelerotia mo mebung. Tiiso ya thibelo e dirwa bogolosegolo ka go baya masimo leitlho ka ponalo ya malwetse le thefosanyodijalo. Gakologelwa gore masimo a a tlhaselegileng thata a ka tswa mo ntshodikunong ya sonobolomo lobaka lwa dingwaga tse dintsi thata. Ka gonne tlhagelelo ya pololotlhakagare le poloseako e tla mokabagangwe, taolo ya bolwetse gantsi e totisitswe taolo ya tshwabo. Gajaana kemelano ya dimela ga se mokgwatheo wa taolo. Fela le gale go na le dipharologano mo tlhaselegong ya maidi ke setlelerotinia. Gape ga go na dikhemikale tse di kwadiseditsweng taolo ya tshwabo kgotsa tshwaetso ya "ascospore" mo sonobolomong.
<fn>PulaImvula. Seeds(maize).2011-04-07.tn.txt</fn>
O ka laola jang peo ya mofero e e sa batlegeng mo mmiding?
Nako ya thobo e ntse e atumela mme go sa ntse go le palo e ntsi ya masimo a a tletseng mofero. Jaaka re buile gantsi mo nakong e e fetileng, mefero ke mmaba wa montshakuno ya dijalo.
Nngwe ya dintlha tsa botlhokwa mo ntshokunong ya dithoro ke taolo ya mefero. Go nna teng ga mofero mo dijalong go ka nna kotsi ka dintlha tse dintsi, bogolosegolo mo ditatlhegelong le kgotlelego ya peo. Ka tlhaelo e e teng ya dithoro tse di jewang ga re ka ke ra kgona go letla gore dithoro di latlhwe fela ka ntlha ya kgotlelego ka peo ya mofero. Peo ya mokolonyane ga e ka ke ya letlelelwa mo mmiding ka e baka monkgo o o sa amogeleseng mo bathong le diphologong. Go ya ka melao ya tokafatso ya dimela le bophepa jwa peo, dipeo dingwe di thibetswe gotlhelele go nna mo mmiding. Go ya ka melao e, sekao, ga go a tshwanela gore go nne le fa e le thoro e le nngwe ya peo ya mokhura mo forageng ya mmidi. Mokhura o botlhole jo bo boitshegang mo mokong e bile go rekotilwe dikgetsi di le dintsi tsa go ja botlhole.
Nngwe ya dithuto tsa botlhokwa go ithuta go ya ka taolomofero ke go fedisa gotlhelele dibako tsa kgotlelego. Mmidi o o sa kgotlelegang ke dipholo tsa botsamaisi jo bo siameng jo bo tswelelang jwa dijalo tsa mmidi go na le maiteko a a phatlaletseng a taolomofero.
Fa taolomofero ya go sale gale mo setlheng e ne e sa felela, mefero e tshwanetse go rengwa le go tlosiwa mo tshimong pele ga thobo.
Gakologelwa gore dijalo tse di siameng di kaya peo e ntsi - peo e e phepa e ntsi.
<fn>PulaImvula. Shortcuts(maize).2011-07-07.tn.txt</fn>
Photo 1: Polantere ya melamebedi ya go sa lemeng gotlhelele mo tirisong. Ela tlhoko boalogodimo jo bo sa lengweng.
Photo 2: Go tlhama llaga ya masalela a dijalo mo boalogodimong jwa mmu ke ntlha ya botlhokwa mo temothuong ya tshomarelo (TT). Theo Msimanga, montshakuno kwa Diekeng kwa Mpumalanga o tlhatlhoba poloto ya tekelelo pele a jala. Ela tlhoko kgaolo e e se nang mofero le masalela a dijalo mo boalogodimong.
Photo 3: Sekao sa polantere e kgologolo e e fetoletsweng go nna ya go sa lemeng gotlhelele.
Photo 4: Johannes Simelane ke molemirui mo sedikeng sa Balfour mo Mpumalanga mme o lema diheketara tse 300 tsa mmidi. O setse a dira ditekelelo tsa gagwe mo dintlheng dingwe tsa TT.
Grabber 1: Temothuo ya tshomarelo e ikaeletse go tshola montshakuno mo lefatsheng.
Grabber 2: TT ke thulaganyo e e tlhokang tsamaiso ya kemo e e kwa godimo mme go fetogela kwa thulaganyong ya temodijalo e ntšhwa ga go kitla go diragala bonolo jalo kwa ntle ga mathata.
Temothuo ya tshomarelo (TT) ke kgopolotheo e ntšhwa mo bantshakunong ba dithoro ba le bantsi mo Aforikaborwa. Buisa mo kgannyaneng e ka se se buiwang ke bantshakuno ba ba tlhabologang ka ga temothuo ya tshomarelo le dintlhakaelo tse bantshakuno ba tshwanetseng go di latela go lepalepana le mokgwa o mošwa o mo temothuong ya dijalo.
Temothuo ya Tshomarelo (TT) e ka ga eng?
Go itsege thata gore bantshakuno ba bantsi ba dirisa mekgwa ya tlwaelo ya ngwao ya go baakanya mmu mme mogoma wa sekara o sala go nna sediriso se se dirisiwang thata mo polaseng. Mo mabakeng a mantsi bantshakuno ba jala mmidi fela o le nosi mme ga ba dire thefosanyodijalo le dijalo tse dingwe jaaka dinawa le sonobolomo. Tiriso ya mogoma wa sekara mo dingwageng di le dntsi, e bonwa gompieno jaaka sebakisegolo sa tshwagafalo ya mmu. Tshwagafalo ya mmu e diragala mo dikemong di le tharo.
Go lengwa go go tsweletseng go tlhola gore sebopego sa mmu sengwe.
Phokotsego ya palo ya ditshedinnye tsa mmu tse di mosola.
TT ke thulaganyo e e tlhamilweng go sireletsa mmu, go tokafatsa boleng jwa mebu le go busetsa mme kwa seemong sa ona sa monono le boitekanelo sa tlholego. Mo TT montshakuno gape o tshwanela go dirisa ka botlalo boleng jwa dijalo tse di farologaneng mo thulaganyong ya thefosanyodijalo le mmidi. Go ntsha dijalo tse dintsi ga montshakuno go tlaa thusa gape go fokotsa diriseke. Gakologelwa polelwana e e reng: "o se ke wa phuthela mae a gago otlhe mo serotong se le sengwe".
Motho o tshwanetse go lemoga gore temothuo ya tshomarelo e kaya go feta go sa lemeng gotlhelele kgotsa tshugommu ya tshomarelo fela.
Mmu o tshwanetse go tshwenngwa go le gonnye thata ka fa go ka kgonegang ka teng. Se se raya gore go se lengwe kgotsa desa gotlhelele mme le gore jalo e tshwanetse go dirwa ka polantere e e kgonang go jala ka tlhamalalo mo mmung o o sa tshwenngwang.
Masalela a dijalo a sala mo boalogodimong jwa mmu. Ka tsela e masalela a dijalo a dira tiro ya go bipa mmu ka fa go ka kgonegang ka teng.
Thefosanyodijalo, e e akaretsang dijalo tse di jaaka dinawa le dikhaophisi, di nna karolo ya thulaganyo ya ntshokuno.
Se bantshakuno ba se buang ka TT?
Mo patlomaikutlong a ditlhopha di le tharo tsa bantshakuno ba ba tlhabologang mo diporofenseng tsa Mpumalanga, Limpopo le Bokonebophirima, bantshakuno ba ne ba na le tsholofelo ka mesola ya TT fela gape ba ne ba sa kabakanye ka mathata a TT jaaka ba a bona.
TT e ka thusa go thibela kgogolego ya mmu.
TT e ka thusa go boloka ditshenyegelo tsa tirisometšhine.
Tiriso ya taolomofero ya sekhemikale e ka tshwaela mo dipolokong tsa ditshenyegelo tsa nako le badiri.
Go nna teng ga mehutapeo ya Roundup Ready go ka dira taolomofero go nna botlhofo thata.
Go akaretsa dijalo tsa monawa tsa dithoro jaaka khaophisi kgotsa soyabini go ka thusa go tokafatsa monono wa mmu.
Tlhaelo ya khepetlele ya go simolola, sekao jaaka go emisetsa polantere ya tlwaelo ka polantere ya go sa lemeng gotlhelele, e sala go nna bothatabogolo mo bantshakunong ba bantsi. Tlhotlhwa ya gajaana ya polantere ya melamebedi ya go sa lemeng gotlhelele e farologana magareng ga R50 000 le R80 000 ka yunite.
Bokete jwa go laola sebipo sa mmu mo popegong ya kobelo.
Bantshakuno ba bantsi ba ikantse masalela a dijalo go dirisiwa ke loruo mme lotlhaka lwa mmidi bogolo thata lo tsewa e le furu ya maemo a a kwa godimo. Bantshakuno gape ba ne ba le huba semolangwana ka phitlhelelo ya sebipo sa mmu se se maleba bogolosegolo mo ditlheng tsa komelelo moo thobo ya dijalo e leng kwa tlase.
Bantshakuno ba buile ba tlhamaletse gore ga ba ka ke ba kgona riseke ya thobodijalo e e wetseng tlase ka ntlha ya tshimololotiriso ya thulaganyo ya ntshokuno e ntšhwa. Tatlhegelo ya thobo e e ka diragalang mo pakeng e khutshwane, e ka kgobang bantshakuno marapo go fetogela kwa TT.
Ka ntlha ya diriseke tsotlhe tse di lebaneng bantshakuno ba tlhoka go kgwedisiwa gore go thulaganyo e ntšhwa e ka tsenngwatirisong ka katlego. Ditekelelo tsa mo polaseng tsa selegae ka tirisano le bantshakuno, di ka tlamela ka phaposiborutelo e e maleba go lemosa bantshakuno ka mekgwatiriso ya TT le go e tshwantshwanya le thulaganyo ya tlwaelo.
Bantshakuno ba tshwanetse go rotloediwa go fetolela didiriso tse di gona tsa bona jaaka dipolantere tse di tshwanetseng phetolelo go nna dipolantere tsa go lema go le gonnye le go sa lemeng gotlhelele. Sekao, kwa Brazil bantshakuno ba ba simololang ba bantsi ba ne ba sa kgone go reka metšhine ya segompieno. Ka ntlha ya se ba ne ba simolola go fetolela dipolantere tsa tlwaelo tse dikgologolo tsa bona go nna dipolantere tsa go sa lemeng gotlhelele. Se e ne ya nna tshimologo ya "Zero-tile Revoulution" ya dingwana tsa bo 1970 kwa nageng eo.
Go tshwanetse go dirwa go le gontsi go tswala phatlha e e gona magareng ga bantshakuno ba ba tlhabologang le dikgwebo tsa temothuo tse di tomameng TT.
Le mororo bantshakuno ba supile gore dijalo tsa monawa di ka tokafatsa dithulaganyo tsa temodijalo tsa bona, ba sa ntse ba paletswe go atologela kwa go jaleng monawa. Se e ka nna segolo ka go tlhoka go fitlhelela batlamedi ba dipeo mme mo ntlheng ya khaophisi, tlhaelo ya mmaraka o o ikanyegang wa thoro eno. Tsela e e botoka thata mo go emeng bantshakuno nokeng gore ba kgone go sutlhelela mo go boneng boleng jwa dijalo tsa monawa mo thefosanyodijalong ke go tokafatsa thulaganyo ya go tlamela ka peo le go rolela montshakuno ditšhono tsa mmaraka o o botoka.
Bantshakuno ba tshwanetse go rotloediwa go jala dijalo tsa furu mo masimong a mangwe a a fa thoko. Mefuta ya furu ya mabele a a sukiri e e jalwang mo selemong kgotsa rediše ya Japane le outsu tse di jalelwang phulo ya mariga, di ka thusa thata go tlamela ka furu e e ipeetsweng. Ka tsela e bantshakuno ba ka kgona go tshola mmu o bipilwe ka ba tlaa bo ba sa ikanya thata masalela a dijalo jaaka motswedi wa furu.
Nna o itse gore metheo ya ntshokuno ya dijalo e tshwanetse ka gale go diragadiwa ka nepo ka dinako tsotlhe. Pele ga maiteko afe fela a go fetogela kwa thulaganyong ya TT, bantshakuno ba tshwanetse go thuba logogo lwa temo lo lo ka nnang teng le go fedisa tlhaselo ya mefero e e mathata jaaka "coach grass". Tsaya matsapa go batla kgakololo mo batshakunong ba ba diragatsang TT ba ba nang le maitemogelo. La bofelo, ikopanye le bao ba ba tlhoafaletseng go neelana ka kemonokeng e e siameng mo bantshakunong ba ba akanyang TT jaaka sengwe se se botoka. Ka tsela e, o ka lemoga fa TT e le selotlele go tsena isagong ya temothuo e e botoka.
<fn>PulaImvula. Soybean(opot).2011-03-14.tn.txt</fn>
Soyabini - sejalo se se gakgamatsang le sejo se se gakgamatsang!
Go buiwa thata ka soyabini le boleng jwa yona mo thefosanyong dijalo le mmidi. Fela jaaka dijalo tse dingwe tse di sa bolong go dirwa tsa legae, tshwaragano ya soyabini ya segompieno le mefuta e e tlhogang fela mo nageng ga e kgone go latedisiwa ka nefatso e e feletseng.
Jaaka Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA re solofela go tsena mo lenaneong le la Oil and Protein Seeds Development Trust go rotloetsa montshakuno yo o tlhabologang go ntsha soyabini - jaaka sejalo sa kgwebo le gape jaaka motswedi wa selegae wa poroteine ya boleng jo bo siameng.
Soya e farologane ka kgolo le mokgwatshelo. Bogodimo jwa semela bo farologana go tswa kwa tlase ga 20 cm go ya 2 m. Diphotlwa (pods), dikutu le matlhare di khurumeditswe ke boboa jo bo boleta jo borokwa kgotsa bokwebu. Matlhare a na le matlhatshana a mararo go ya nne ka letlhare, mme matlhatshana a boleele jwa 6 - 15 cm le bophara jwa 2 - 7 cm. Matlhare a tlhotlhorega pele ga peo e butswa. Dithunya tse di sa bonaleng tse di itulafatsang di tswa mo aseng ya letlhare mme di ditshweu, dipinki kgotsa selaole. Leungo ke sephotlwa se se boboa se se golang ka dikgotlhwana tsa tharo - tlhano, sephotlwa sengwe le sengwe se boleele jwa 3 - 8 cm mme gantsi se tshola ditlhaka di le 2 - 4 (ga go bonolo go feta fa), le molagare wa 5 - 11 mm.
Disoyabini di tlhagelela ka bogolo (sizes) jo bo farologaneng le ka makapi a mebala e mentsi, go akaretsa bontsho, borokwa, bopududu, bosetlha, bosweu le marabata. Lekape la peo e e buduleng le thata, le emelana le metsi le go sireletsa khotilitone le haephokhothile go senngwa. Fa lekape la peo le phanyegile, peo ga e ne e tlhoga.
Mmogo, diteng tsa oli le poroteine di dira 60% ya soyabini e e omileng ka boima, poroteine e le 40% fa oli e le 20%. Masalela ona a dirwa ke 35% ya dikhabohaetereite le 5% ya molora. Mefutapeo ya soyabini e dirwa ke 8% ya lekape, 90% ya khothilitone le 8% ya haepokhotile.
Go jewa ke batho, disoyabini di tshwanetse di apewe ka mogote o o metsi gore o kgone go bolaya "trypin inhibitors". Disoyabini tse di sa apewang, go akaretsa le tse ditala ka mmala tsa boramolekwane, di botlhole mo bathong, dikolobe, dikoko, tota a ke re diphologolo tsotlhe tsa mala a molamongwe.
Disoyabini di tsewa ke maphata a le mantsi jaaka motswedi wa poroteine e e feletseng. Poroteini e e feletseng ke e e nang le dilekanyo tsa botlhokwa tsa diamino esete tsotlhe tsa botlhokwa tse go tshwanetseng ga tlamelwa mmele wa motho ka tsona ka ntlha ya mmele go sa kgoneng go di tlamaganya. Ka ntlha ya se, soyabini ke motswedi o o siameng wa poroteine, gareng ga tse dingwe, mo bajamerogong kgotsa batho ba ba batlang go fokotsa selekanyo sa nama e ba e jang.
Poroteine ya soya e tshwana fela le ya dipeo tsa monawa tse dingwe. Go feta foo disoyabini di ka ntsha bonnye poroteine e kana ka gabedi ka heketara go na le morogo kgotsa dijalothoro dingwe fela tse di dikgolo. Go ntsha poroteine e ntsi ka heketara ga makgetlo a matlhano go ya lesome mo lefatsheng le le beetsweng thoko go fudisa diphologolo go ntsha mašwi le go fitlha makgetlo a 15 a poroteine e ntsi ka heketara go feta lefatshe le le beetsweng thoko go ntsha nama. Go jewa ga soya gape go ka fokotsa riseke ya kankere ya lela le legolo.
Disoyabini ke dijalo tsa lefatshe tsa botlhokwa, tse di tlamelang ka oli le poroteine. Kwa United States bontsi jwa sejalo bo tlhotlhiwa ka hekeseine, mme bupi jwa soya ke jo bo ntshitsweng mafura jo bo gadikilweng (50% poroteine, jaanong bo kgontsha kgodiso ya diphologolo tsa polase(sk. Dikoko, dikolobe, dikalakune) ka seela sa madirelo se se iseng se bonwe mo hisetoring ya batho. Karolo e potlana ya sejalo e jewa ka tlhamalalo ke batho. Dikuno tsa soyabini le gale di tlhagelela ka methale e megolo ya dijo tse di fetotsweng.
Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, disoyabini di ne tsa nna botlhokwa thata kwa North America le Europe, bogolo thata jaaka dikemedi tsa dijo tsa poroteine tse dingwe le jaaka motswedi wa oli e e jewang. Ke ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II fa soyabini e neng ya ribololwa jaaka monontsha ke Lefapha la Temothuo la United States.
Temo e atlegile mo ditlelaemeteng tsa selemo se se mogote, ka maemo a kgolo a a feletseng mo dithemphereitšheng tse di bokete tsa 20 - 30 °C; dithemphereitšha tse di kwa tlase ga 20 °C le kwa godimo ga 40 °C di kgoreletsa kgolo thata. Di kgona go gola mo metseletseleng e e bophara ya mebu, ka kgolo e e kwa godimo mo mebung ya alubiale e e bongola e e nang le diteng tsa dibodi tse di siameng. Disoyabini jaaka menawa e mentsi, di diragatsa paakanyo ya naeterojene ka go tlhoma kgolagano ya mataragano le baketheriamo ya Bradyrhizobium japoniam. Fela le gale go bona dipholo tse di gaisang moento wa lotso lwa baketheria o o nepagetseng o tshwanetse go tshwakanngwa le peo ya soyabini (kgotsa monawa ofe kana ofe) pele ga go jalwa. Mefutapeo ya sejalo ya segompieno gantsi e fitlha bogodimo jo bo ka nnang mitara o le mongwe mme e tsaya malatsi a le 80 - 120 go tswa jalong go ya thobong.
Disoyabini di tlholega kwa Ašia Botlhaba fela ke 45% fela ya ntshokuno ya soyabini e e tswang koo. Phesente tse dingwe tse di 55 tsa ntshokuno di tswa Amerika. US e ntshitse ditono tse 75m tsa soyabini ka 2000, eo go feta nngwetharong ya yona e rometsweng ntle. Bantshakuno ba bagolo ba bangwe ke Brazil, Argentina, Paraguay. China le India. Dimela tsa soyabini di tshwabelelwa ke metseletsele e e bophara ya malwetse a dibaketheria, a difankase, malwetse a mogare le dinwamadi.
Disoyabini e ne e le dijalo tsa botlhokwa mo Ašia Botlhaba bogologolotala pele ga direkoto tse di kwadilweng. Di sa ntse di le sejalosegolo kwa China, Japan le Korea. Pele ga dikuno tse di titietsweng jaaka Soy sauce, tempeh natlo le miso, soya e ne e tsewa e le e boitshepo mo tirisong ya yona mo thefosanyodijalong jaaka mokgwa wa go baakanya naeterojene. Dimela di tlaa bo di lemeletswe ka fa tlase gore di phepafaletse tshimo dijalo tsa dijo. Soya e ne ya tlhagisiwa lwa ntlha kwa Yuropa go sa le gale mo ngwagakgolong wa 18 le kwa go se se itsegeng gajaana jaaka United States ka 1765, koo e neng lwa ntlha e jalelwa furu. Disoyabini di ne tsa se ke tsa nna dijalo tsa botlhokwa ka kwa ntle ga Ašia go fitlha e ka nna ka 1910. Kwa Amerika, soya e ne e tsewa fela e le kuno ya seintaseteri mme e seng go dirisiwa jaaka dijo pele ga bo1920. Soya e ne ya tlhagisiwa mo Aforika le China go ya bokhutlong jwa ngwagakgolo wa 19 mme gajaana e aname le kontinente yotlhe.
Badimo ba ba tlhaga ba soyabini ke Glycine soja (e e neng e bidiwa G. ussuriensis), monawa o o tlholegang kwa China bogare. Soyabini e ntse e dirisiwa kwa China dingwaga di le 5 000 jaaka dijo le karolo ya diritibatsi. Fela le gale, soya e ne ka kgethego e tlotlelwa sebopegomedi sa yona jaaka tsela ya thefosanyodijalo. Temo ya soyabini e ne nako e telele e kganeletswe fela kwa China, mme e ne ka bonya ya atologela lekwa dinageng tse dingwe.
Bontsi jwa batho bo kaya gore disoyabini kwa Ašia di ne ka hisetori di dirisiwa fela morago ga tirego ya titielo, e e digelang kwa tlase diteng tsa "phytoestrogens" tse di kwa godimo tse di fitlhelwang mo semeleng se setala (raw). Fela le gale mareo a a tshwanang le "mašwi a soya" di ntse di dirisiwa go tswa 82 AD mme go le bosupi jwa go jewa ga "tofu" go tswa ka 220.
Disoyabini di ne tsa tlhagisiwa kwa Amerika ka 1765 ke Samuel Bowen, motsamayakasekepe yo o neng a etetse China. O ne a jala soya gaufi le Savanna, Georgia a bo a dira le "soy sauce" go e rekisa kwa England. Soya e ne ya nna le seabe sa botlhokwa kwa United States morago ga Ntwa ya Lefatshe I. Ka nako ya Khumanego e Kgolo (Great Depression), dikgaolo tse di neng di iteilwe ke leuba tsa United States di ne tsa kgona go dirisa soya go tlhabolola mmu wa tsone ka ntlha ya dikarolwana tsa yona tse di baakanyang naeterojene. Ka 1932 - 1933 Setlamo sa Dikoloi sa Ford se ne sa dirisa e ka nna $1 250 000 mo dipatlisisong tsa soya. Ka 1935 koloi ya Ford nngwe le nngwe e ne e na le soya mo modirong wa yona. Sekao oli ya soya e ne e dirisiwa go penta dikoloi gammogo le mafura a "shock absorbers". Go amega ga Ford mo soyabining go ne ga bula dikgoro tse dintsi gore temothuo le madirelo di golaganngwe thata go na le jaaka go kile ga nna pele.
Disoyabini ke nngwe ya dijalo tsa "dijo tsa baeyotheke" tseo di tokafaditsweng lotso mme disoyabini tse di tokafaditsweng lotso di dirisiwa mo dikunong di le mmalwa thata. Ka 1995 Setlamo sa Monsanto se tlhagisitse (disoyabini) tsa Roundup Ready (RR) tse di tokafaditsweng lotso go kgona go emelana le sebolayatlhatshana sa Roundup sa Monsanto.
Ka 1997 e ka nna 8% ya disoyabini tsotlhe tse di lemetsweng mmaraka wa kgwebo kwa United States di ne di tokafaditswe lotso. Ka 2010 palo e ne e le 93%. Jaaka go ntse le ka dijalo tsa Roundup Ready tse dingwe, go tshwenyegile thata tshenyo e e ka nnang mo "biodiversity". Fela le gale modipeo (gene) wa RR o setse o tsentswe mo mefutapeong ya soyabini e e farologaneng e mentsi mo e leng gore tokafatso ya lotso ka boyona ga e a tlhola kwelotlase epe ya pharologano ya lotso, jaaka go bontshitswe ka thuto ya pharologano ya lotso ka 2003.
Ka bophara disoyabini di ka arolelwa kwa mefuteng ya merogo (tshingwana) kgotsa masimo (oli). Mefuta ya merogo e apeega botlhofo, e na le tatso e e bonolo ya mafura, tshwarego e e botoka, e metona ka bogolo, e na le poroteine e e kwa godimo le go nna le oli e e kwa tlase go na le mehuta ya masimo. Bantshakuno ba "tofu" le mašwi a soya , ba rata mefutapeo ya poroteine e e kwa godimo e e tsetsweng go tswa mo disoyabining tsa morogo tse ka tlholego di tlisitsweng mo United States go ya bofelong jwa bo1930. Mefutapeo ya tshingwana gantsi ga e a siamela thobo ka motšhine o o robang ka gore diphotlwa tsa teng di na le tlwaelo ya go thubega fa di butswa.
Gareng ga menawa, soyabini, e gape e tlhaolwang jaaka peo ya oli, e itsege thata ka diteng tsa poroteine tse di kwa godimo (38 - 45%) gammogo le diteng tsa oli tse di kwa godimo (20%). Disoyabini ke seromelwantle sa temothuo sa boleng jo bogolo se e leng sa bobedi sa United States fa morago ga mmidi. Bontsi jwa soyabini bo jalelwa ntshokuno ya oli ka bupi jwa soya ya poroteine e e kwa godimo jo bo tlhotlhilweng mafura le go gadikwa bo dirisediwa go epa loruo. Phesente e potlana ya disoyabini e dirisediwa go jewa ke batho ka tlhamalalo.
Kwa China, Japan le Korea, nawa e, le dikuno tse di dirilweng go tswa mo naweng e, ke karolo e e tumileng ya lenaneonjo. Matšhaena a ribolotse tofu mme gape ba dirisa mefuta e e farologaneng ya setshaso sa soya jaaka senatetshi. Mo "cuisine" ya Korea memela ya soya e dirisiwa gape mo ditsholeng tse di farologaneng. Dinawa di ka fetolwa ka ditsela tse dintsi. Didirwa tse di tlwaelegileng tsa soya di akaretsa bupi jwa soya, folouru ya soya, mašwi a soya, tofu, "textured vegetable protein" (TVP, e e kgonang go dira dijo tsa bajamerogo tsa methale e mentsi, tse dingwe tsa tsone di kobisitsweng go tshwana le nama), tempeh, "soy lecitium" le oli ya soya. Disoyabini di sa ntse gape di le setswaki sa motheo se se amegang mo ntshokunong ya "soy sauce".
Peo ya soyabini e na le diphesente tse 19 tsa oli. Go tlhotlha oli ya soyabini mo peong, disoyabini di a thubiwa, go nyalanngwa diteng tsa bongola, di potokwa go nna lekakaba le go tlhotlhwa ka "hexane" ya kgwebo. Jaanong oli e a tlhokololwa, e tswakelwa go dirisiwa mo ditirisong tse di farologaneng mme fa gongwe e dirwa mowa. Dioli tsa soyabini, tsoopedi, e e metsi le e mowafaditsweng bontlhanngwe, di romelwa ntle kwa moseja, di rekisiwa jaaka "oli ya morogo" kgotsa di feleletsa di fetoletswe mo dijong tsa mefuta e mentsi. Bupi jo bo setseng jwa soyabini bo dirisiwa jaaka dijo tsa diphologolo.
Bupi jwa soya ke masalela a salang morago ga tlhotlho ya serarolosi sa oli go tswa makakabeng a soyabini, jo bo nang le diteng tsa 50% tsa poroteine ya soya. Bupi bo gadikilwe le go silwa mo hamoremeleng. Bupi jwa soya ke elemente ya botlhokwa ya mokgwa wa ntshokuno wa Amerika wa go godisa diphologolo tsa mo polaseng jaaka dikoko le dikolobe ka bogolo jwa madirelo o o simolotseng ka bo1930, mme fa gautshwane jaana mo thuong ya "catfish" 98% ya dijalo tsa soyabini ya United States e dirisiwa jaaka dijo tsa loruo.
Folouru ya soya e raya disoyabini tse di tlhotlhilweng mafura, tsa silwa boletaleta go ka feta mo sefong ya 100 mesh, koo go tserweng matsapa ka nako ya tlhaoloso go leka go nyenyefatsa go kgotlela poroteine gore e sale e tshotse Protein Dispersability Index e e kwa godimo; mo tirisong e e jaaka "extruder cooking of textured vegetable protein".
Folouru ya soya e e tlhotlhilweng mafura e bonwa go tswa makakabeng a a tlhotlhilweng ka serarolosi mme e na fela le oli e kwa tlase 1%.
Folouru ya soya e e mafura e dirilwe go tswa dinaweng tse di sa tlhotlhiwang mafura tse di obotsweng mme e na le oli e e ka nnang 18% - 20%.
Folouru ya soya ya mafura a mannye e dirwa ka go tshela gape oli mo folourung ya soya e e tlhotlhilweng mafura. Diteng tsa mafura di farologana go ya ka ditaelomodiro, gantsi magareng ga 4,5% le 9%.
Folouru ya soya ya mafura a a kwa godimo le yona e ka dirwa ka go busetsa oli ya soya mo folourung e e tlhotlhilweng mafura ka selekanyo sa 15%.
Fomula ya masea ya soya e dirisediwa masea a a ilwang ke diporoteine tsa mašwi a kgomo a a pasetšhuraisitsweng. E mo popegong ya lorole, e e siametseng go fepa le gape ka seedi se se komota.
Disoyabini di ka fetolwa go ntsha phopholego le ponalo tse di tshwanang le dijo tse dingwe tse dintsi. Sekao, disoyabini ke setswaki sa motheo mo diemeding tsa dikuno tsa teri tse dintsi (sekao mašwi a soya, majerine, ice cream ya soya, soy yoghurt, soy cheese le soy cream cheese) le diemelanama (sekao veggie burgers). Diemedi tse di bonwa botlhofo mo marekelong a magolo. Mašwi a soya ka tlhago ga a na dielo tse di bonalang tsa khalesiamo. Badiri ba bantsi ba mašwi a soya ba sa ntse ba rekisa le dikuno tse di humisitsweng ka khalesiamo tse dingwe.
Dikuno tsa soya di dirisiwa gape jaaka diemedi tsa tlhotlhwa e e kwa tlase mo dikunong tsa nama le koko. Katoloso e ka tlhola tswapogo ya tatso, fela mafura le kholesetorolo di a fokotsega. Tiriso ya dibithamine le diminirale e ka dirisiwa go dira dikuno tsa soya gore di lekane ka dikotla le poroteine ya phologolo; boleng jwa poroteine bo batla bo setse bo lekana. Seemedi sa nama se se thaetsweng mo nameng sa poroteine ya phopholego ya morogo se ntse se dirisiwa go feta dingwaga di le 50 jaaka tsela ya go atolosa nama e e sitsweng e e tlhotlhwatlase kwa ga go fokotsa boleng jwa dikotla jwa yona.
Disoyabini di dirisiwa gape mo dikunong tsa madirelo tse di akaretsang dioli, sesepa, dikhosometiki, resinse, polasetiki, enke, dikherayone, dirarolosi le diaparo. Oli ya soyabini ke motswedi wa motheo wa disele kwa United States, le go dira 80% ya ntshokuno ya baeyodisele ya selegae. Disoyabini di ntse gape di dirisiwa go tswa 2001 jaaka setoko sa titielo mo go dirweng ga mofuta wa vodka.
<fn>PulaImvula. Sprayers.2008-03.tn.txt</fn>
Mo kgannyaneng e e ka ga taolomofero e e bokoa mo go Pula-Imvula ya Hhakole, 2008, lengwe la mabaka a a kgonegang le le tlhagisitsweng e ntse seemo sa "boom sprayer". Go bonala seno e le bothata jo bo tlwaelegileng gotlhe - ke gona ka moo re tlhagisang kganyana e.
Hamelo e e tshwanetseng le dithekemiki tsa poloko ga di lolamise fela dipaakanyo tsa pele ga setlha tsa ngwaga o o tlang, fela gape di godisa tiragatso ya sekgatshi fa gape di tlaleletsa ka dingwaga tsa botshelo jo bo tletseng maungo jwa sona. Pepentsho ya paka e telele mo dibolayasenying tse di fetang ka sekgatshi di ka ja le go koafatsa dikarolo tsa sekgatshi, pente le digokedi tsa motlakase. Maselela a a tswang mo dikunong tse a ka nna kotsi mo mongweng le mongwe yo o dirang ka kgotsa go dikologa motšhine. Gape dithothinyana tsa dibolayasenyi tse di iphitlhileng mo dikarolong tsa sekgatshi di ka bolaya dijalo fa di ka fetelela kwa setlaeng se se latelang sa kgatsho.
Pabalesego ya sebele ya gago le ya balapa la gago, badiredi le dijalo di dira gore go nne botlhokwa gore tlhatswe le phepafatsa thata sekgatshi sa gago mo setlheng, fa gare ga dialo le pele o se boloka mo marigeng. Gakologelwa gore bontsi jwa dikhemikale tse di dirisiwang mo temothuong di kotsi mo dimeleng le/kgotsa diphologong mme ka jalo go tshwane tse go tlhokomelwe thata go tlhaloganya bokotsi jo bo foo le go laola seemo ka fa go ka kgonegang ka teng.
Tirego e e feleletseng ya tlamelo le poloko e na le dikgato di le tlhano.
Pele o ka simolola go phpafatsa sekgatshi sa gago, netefatsa gore gore o buisa setshwaokaelo ya serelasenyi se se dirisitsweng.
Go bolelela gore o latlhe jang maselela a kuno.
Go tlamela ka ditaelo tsa phepafatso dingwe tse di kgethegileng tse di ka tlhokegang.
Dikuno tsa kgotlololo tse di atlanegisiwang.
Go go tlhalosetsa sentle ka Didiriso tsa Ishireletsego ya Sebele (DTS) tse o di tlhokang go phepafatsa sekgatshi sa gago ka pabalesego.
Maitlhomo a go tsokotsa ke go tlosa kuno mo dikgaolong tse di loileng kgotsa tse dikgolo e e ka bong e sa ntse e le mo sekgatshing. Sediriso sa phepafatso ya sekgatshi se akaretsa metsi a a sa emeng go tsamaya le thulaganyo yotlhe le go a tshela mo lefelong le le kailweng mo setshwaokaelong sa sebolayasenyi se o se dirisitseng (ka mafoko a mangwe go kgatsha motswako wa khemikale wa metsi/tharoloso, o jaanong o bidiwang "nnsate" mo kgaolong e e babalesegileng).
Gore o tlhomamise gore o phepafatsa tanka gammogo le dipeipi le dinosele, tshela tanka go tlala bogare ka metsi a a phepa mme o kgweetse terekere sekgala se sekhutshwane mo ditseleng polase - go tlolatlola mo tseleng go tlaa kgotlhokgotsha metsi le go netefasa gore a gasa leteng botlhe la tanka. Ditsokotso tse di mmalwanyana o dirisamothama o monnye go fitlha 10% ya mothano wa tanka ya sekgatshi di botoka thata go gaisa go tlatsa tanka lepeepee gangwe fela ka metsi a a phepa. Go ka nna botlhale go boeletsa tirego ya tsokotso bonnye makgetlo a mararo.
Hhopha lefelo leo motsokotso (rinsate) o se neng o kgotlela dittamelo tsa metsi, melapo, dijalo le dimela tse dingwe, le foo go se neng go nna megojwana teng, le go tlholela batlu, diphologolo le tikologo matlhotlhapelo. O ka o kgatsa mo molelwaneng wa tshimo kgotsa fa thoko ga tsela ya polase.
Netefatsa gore o minolosa tanka ya sekgatshi ka mokgwa o o tsamaisanang le setshwaokaelo sa sebolayasenyi. O se ke wa bula dibelofo fela mme oa se lella go tshologela mo fatshe. Go kela dinosele tsa mothama o mogolo go bona mokgwa o o bonako le semolao go latlha motsokotso wa sekgatshi. Bokafantle jwa sekgatshi le jona bo tshwanetse go tlhatswiwa. Gape fa o tsokotsa sekgatshi; o se ke o a dira megojwana e e ka fitlhelelwang ke bana, meotlwana loruo le diphologolo tsa naga.
Go tsholola motsokotso wa sebolayasenyi go ya ka ditaelo tsa setshwaokaelo, tshela motsokotso mo lefelong leo dikuno di tlaa dirisiwang mo go lona kwa tshimologong (gape, go tsamaya le molelwane wa tshimo foo khemikale e kgatshitsweng gantsi ke lone lefelo le le siameng). Boeletsa tirego ya minolos morago ga kgotlololo le go tsokotsa sekgatshi gape. Netefatsa gape gore o minolosa le metsi a a phepa mangwe le mangwe a go tsokotsa tanka pele ga go e boloka go efoga tshenyego e e ka tlholwang ka go gatsela a metsi ka fa teng.
Morago ga tsokotso ya bofelo o ka tlhatlhoba sekgatshi sa gago le go diria dipaakanyo le diphetolo tse di tlhokegang. Le mororo sekgatshi se phepafaditswe, ka gale apara diaparo tsa tshireletso tsa gago. Masalela mangwe a ka salela sekgatshing.
Dinosele tse di sa tsamaelaneng le go onala.
Disekerim tsa dinosele tse di senyegileng.
Disekerini tsa sefo tse di senyegileng.
Manga, madutlo le tiragatso ya kakaretso ya pompo.
Maemo a matirompo, bogolo go phanyega le manga.
Maemo a belofo, go bona madutlo a a ka nnang teng kgotsa dikgaolo moo dithibo di ka bong di repile.
Karolo ya "boom", bona maphanyego a a ka nnang teng le go baakanngwa.
Jaanong ka sekgatshi se phepafaditswe ka botlalo, o ka batla go tlosa dikarolo dingwe tsa sona tse di ka senyegang ka nako ya poloko.
Hosa disefo mme o di tlhatswe ka letsogo mo metsting a sepa (gakologelwa go rwala ditlelafo tse di emelanang le khemikale), di tsokotse mme o bo o di boloka kgotsa o di busetse gape mo sekgatshing.
Hlokomela thata dinosele, mebele ya dinosele le ditšhekebelofo. Masalela a dikhemikale a ka bopelela mo dikgaolong le go oma thata mo marigeng, mme se sa fokotsa thata tiragatso ya sekgatshi mo setlheng se se latelang.
Hosa dinkwana tsa dinosele, disekerini, ditšhekebelofo, dikhurumelo le mebele ya dinosele go tswa mo dikopanyo tsa mmele wa nosele. Gokela dikopanyo ka nepo.
Hlatswa le go tsokotsa dinkwana tsa dinosele, mebele ya dinosele mme o tlhole dibelofo, Di boloke mo sebolokelong se se tshwaileng. Boloka ditšhekebelofo mo themphereitšha tsa boswakgapetta.
Hosa dilekanyikgatelelo tsotlhe mme o khwuimele diphaltha tsotlhe mo sekgatshing. Boloka ditekanyi (gauges) tsotlhe foo di ka se keng tsa gatsela kgotsa senyega.
Kwa bafelong tsamaisa sekganela go ya le sekgatshi le dipeipi tsotlhe, go tseeletsa di-boom, dibelofo, manifouloto, dimeterakelelo le dillaene tsa kgotlhokgotso. Letla sekganekgatsetso go dikologa le mathompo a "boom". Se se tlaa simega boteng jwa lethompo go thibela go oma le go phanyega. Go khurumela dinosele tsa "boom" tsotlhe go tlaa thusa go tshola sekganelakgatsetsa go dikologa le mathompo a "boom". Se se tlaa simega boteng jwa lethompo go thibela go oma le go phanyega. Go khurumela dinosele tsa "boom" tsotlhe go tlaa thusa go tshola sekganelakgatsetsa mo thulaganyong, fela o ka tlhoka go bula e le nngwe di le pedi tsa dinosele go letla sekganelakgatsetsa go dikologa mo "boom". Khurumela dinosele tseo fa sekganelakgatsetsa se tladitse thulaganyo yotlhe ka botlalo.
Maitlhomo a paka ya poloko ke gore sekganelakgatsetsa se kgorometse masalela a metsi a a ka bong a le mo thulaganyong le go silega tsotlhe tsa dikarolo tsa sekgatshi. Letta sekganelakgatsetsa go nna mo pompong le dibelofo go efoga go rusu le tshenyego tse di ka tlholwang ke mowa o o bongola o o tshwaregile mo thulaganyo. Ka gore ditshedi dingwe di tlosa pompo pele ga poloko, tsenyo ya dibelofo tse di tswalang mo matlhakoreng oobedi a pompo e ka bebofatsa tirego.
Sekganelakgatsetsa sa dirori tsa toithabiso se tlwaelegile go dirisediwa poloko ya dikgatshi tsa temothuo. Go farologana le sekganelakgatsetsa sa mebotoro ga se botlhole jalo mo diphologolong. Le fa dikuno tsa sekganelakgatsetsa sa diroritsa boithabiso tse dintsi di tlaa thema mo maemong a a tsididi go feta, ga di a tshwanela go gatsela. Le mororo go le jalo, biusa ka gale setshwaokaelo sa sekganelakgatsetsa netefatsa gore setlaa dira sentle mo maemong a mariga a gago.
Jaanong ka sekgatshi se phepafaditswe, se kgotlolotswe le go sirelediwa mo marigeng, se siametse go bolokwa. Go mo pepeneneng gore ke ka fa gare ga ntlo fa go eletsegang go se boloka kgakala le tshottako dielemente tsa tlhago. Fela le gale lefelo la ka fa gare lengwe le lengwe le o le tlhophang le nne kgakala diedi le menontsha e e omileng. Lorole le masalela a a tswang mo dikunong tse di ka ja pente le ditshipi tsa sekgatshi.
Fa o sa batle go dirrusa itthophelo ya sekganelakgatsetsa mo polokong, ke mokgwatiriso o o siameng go golola pompo ya yunite ya sekgatshi le go e boloka mo setorong go fitthela settha se se latelang. Go le gontsi metsi salela mo pompong mme mo dikgweding tse di tsididi tsa mariga, metsi a a mo pompong a a gatsela a bo a phantsha pompo - a dira gore e tlhoke mosola.
Go tlamela (maintaining) sediriso sa sekgatshi.
Hamelo ya sediriso sa go tshela sebolayasenyi e akaretsa tlhatlhobo ya gangwe le gape ya tanka ya sekgatshi, pompo, mathompo, disefo, dilekanyi tsa kgatelelo, dinkwana tsa dinosele le diminolosi. Sekaseka sekgatshi pele ga le go latela poloko e telele, le pele ga tiriso nngwe le nngwe. Gakologelwa ka gale go apara didiriso tsa tshireletsego tsa sebele fa o dira ka didiriso tsa sekgatshi.
Ditanka tsa kgatsho: Ditanka tsa kgatsho di dirilwe ka tshipi e e tüsitsweng (stainless and galsanised), faebtlelase kgotsa polasetiki, go tseeletsa pholithelene kgotsa pholiporophelene. Dimetheriale tse di batla di sa monyele diela, ka jalo go se ke ga tlogelwa masalela a sebolayasenyi mo go tsona morago ga go phepafadiwa. Fela le gale boteng jwa lebota la tanka ya faebatlesase fa bo ngapiwa bo tlaa monyela dibolayasenyi. Maphanyego le diphatsana mo tshilegong ya ditanka tse di galefanaese, di tshwanetse go baakanngwa ka metheriale wa ephokosi, go seng jalo metale o o pepentshitsweng o tlaa jega. Fale le fale, tlhatlhobela ditanka maphanyego, rusu kgotsa jego tse di ka koafatsang tanka mme morago tsa fetoga diphatthana tsa go dutla. Netefatsa gore tanka ya kgatsho e bofeletso ka pabalesego mo sekgatshing.
Pompo le dithio tsa pompo: Pompo le ditsompelo tsa yona tsotlhe di tshwanetse tsa bo di le mo maemong a tiro a a siameng. Dithibo tsa pompo, direng tsa "O" kgotsa diwašara tsa khapo tssa lettalo kgotsa metheriale wa senthetike di ka oma le go kunyela fa sekgatshi se na le paka e telele se sa dirisiwe kgotsa se sa bolokwa sentle. Ditlhaolosi mo dingweng tsa mere ya dibolayasenyi di ka senya dithibo tsa pompo, ka dittamoragp tsa go dutla go dikologa pompo kgotsa go pompa go go bokoa.
Mathompo (hoses): Emisetsa mathompo a a phanyegileng le go dutla. Gakologelwa gore mathompo a a dirisitsweng go tshela dibolasenyi a ka se ke a bo a kgotlololwa gotlhelele. Go tlaa sala ka gale go na le masalela a sebolayasenyi a a setseng mo go ona. Otlhe a a tshwanetseng go latlhwa a tshwanetse go latlhwa sentle mme a se ke a bo a dirisediwa sepe gape.
Disefo tsa Uaene le disekerini: Ka gale dirisa disefo le disekerini fa sediriso se le mo tiragatsong. Isona di tlhotlha mattakala le dilwana tsa seeng tse di ka thibang dinosele le go fokotsa tiragatso ya sekgatshi.
Dilekanyi tsa kgatelelo: Kgatelelo ya seedi mo thulaganyong ya kgatsho e beilwe leittho ke selekanyi se kgatelelo. Selekanyi se lekanya kgatelelo ya kgatsho go ralala dinosele fa se beilwe magareng ga selaolakgatelelo le dinosele tsa kgatsho. Kwa bofelong phetogo mo kgatelelong e ka raya gore go na le kgonega ya go sa diriseng sentle. Netefatsa gore dilekanyi tsa kgatelelo di mo maemong a go dira a a siameng le go khaliboreitiwa ka tshwanelo.
Difiting le ditlelempe: Difiting tse di repileng kgotsa phanyegileng gantsi ke motsedi wa go dutla. Netefatsa gore difiting le ditlelempe di siame thata pele go ka bewa thulaganyo mo kgatelelong le go pompa seedi. Gangwe fela fa thulaganyo e setse e le mo kgatelelong, tlhola fa go duttang.
Dinkwana tsa nosele le disefo: Hlola dinosele gangwe le gape go netefatsa gore ga di a thibana. Dinosele tse di onetseng di raya gokgatshiwa go gontsi ga khemikale, mme fa gongwe go tlhola paterone ya kgatsho e e sa tshwaneng le dipholo tse di sa tsamaelaneng. Diphatlhana tsa nosele di sa ntse di ka fetoga, bogolosegolo fa ditswako tse di kgobalang, jaaka dipoere tse di kolobediwang, di dirisiwa gangwe le gape. Fa go peita ga nosele go le bonya go na le jaaka go solofetswe, phepafatsa dinosele mme o leke gape. Go ka nna fela gore dinosele di ne di thibane.
<fn>PulaImvula. Study.2010-01.tn.txt</fn>
Go direla bantshakuno ka bongwe ka bongwe go bonya e bile go tlhotlhwagodimo. Go fokotsa ditshenyegelo go a isega, go kgobokanya batho ba dikgatlhego le dikgono tse di tshwanang mme o ba direle ka go tshwara dipitso gangwe le gape. Porojeke e e tswelela go fitlhelela maitlhomo a yona - go phasalatsa kitso, bokgoni le tshedimosetso mo bantshakunong ba ba tlhabologang mo dikgaolong tse di farologaneng.
Re lemogile gore fa nako e ntse e ya, dipalo tsa ditokololo di wela tlase ka gore e le fela bantshakuno ba ba nang le kgatlhego le tlhaloganyo ya bogwebi ba ba salang go tswelela. Se se bonala bogolo mo porofenseng ya Bokonebophirima foo lenaneo le le ntseng le dira dingwaga tse dintsi. Mo dikgaolong tse ditlhophathutano di sa tswang go tlhomiwa, bogolosegolo mo dikgaolong tsa semorafe, bothata jo bogolo ke go leka go lekanyetsa bogolo jwa setlhopha. Mo dikgaolong dingwe go na le bantshakunopotlana ba ba ka nnang 200 ba ba batlang go nna ditokololo tsa setlhophathutano!
Monongwaga re diretse ditlhophathutano tse 128 mo kgaolong yotlhe e re e direlang ka dikantoro tsa diporofense. Mo palong e go akareditswe ditlhophathutano tse robedi tse di leng karolo ya porojeke ya korong kwa Foreisetatabotlhaba.
Tsela ya go rulaganyetsa setlha se se tlang fa ponelopele ya bosa e sa siamela ntshokuno ya dijalo.
Mo dikgweding di le mmalwa tse di sa tswang go feta, re ntse re kopana le tokololo nngwe le nngwe ya setlhophathutano ka sebele, ka maikaelelo a go kgobokanya tshedimosetso ka motho mongwe le mongwe mabapi le palo ya diheketara tse di jetsweng, palo le maemo a diterekere, dipolantere, dikgatshi le didiriso tsa tshugommu. Re solofela go ka fitlhelela tlamelo ka matlole le kemonokeng ya lenaneo la thulontšhwafatso ya didiriso tse - didiriso tsa semotšhine tse di siameng di botlhokwa thata mo ntshokunong ya bogwebi. Ka kgatelelo e e nepagetseng mo poelong mo ntshodikunong ya dithoro, bogolo jwa didiriso tse bo ntse bo itlhokomolositswe gonne go se na madi a a lekaneng go thula le go tlamela didiriso tse. Kgang e e tshwanetse go tsewa tsia thata fa bantshakuno ba bantsho ba tshwanela go tlatsa maemo a bona a a tshwanelang jaaka bantshakuno ba bagwebi.
<fn>PulaImvula. StudyGroup(maize).2011-03-14.tn.txt</fn>
Setlhophathutano sa Imperani (Ficksburg).
Ficksburg le Rosendal.
Ditokololo tse 35.
Diheketara tse 1 510.
Diheketara tse 289.
Lebaka la gore lefatshe la temo le bo le sa jalwa ke eng?
Lefatshe ke la ditlhopha tsa batho, mme ga go botlhofo go bona khepetlele ya ntshokuno.
Setlhophathutano se kopana ga kae?
Setlhophathutano sa rona se kopana gangwe fela mo kgweding go buisana ka lenaneo la korong le ka kgwedi nngwe le nngwe ya bobedi ka lenaneo la mmidi.
Mesola ya go nna tokololo ya Setlhophathutano ke eng?
Jaanong re itse ka ga se se diragalang mo madirelong a dithoro e bile re itse ka ga ditšhono mo mofameng wa temothuo. Re na le thulaganyo ya kemonokeng e re itshegetsang ka yona fa mathata a le teng.
A go na le tshwaragano magareng ga Setlhophathutano le lephata la balemi ba bagwebi?
Ka dinako dingwe re kopana le montshakuno wa mogwebi ka boena kwa difantising mme re utlwe mowa wa morafe wa temothuo ka bophara.
A lo batla go kopana le Setlhophathutano sa bantshakuno ba bagwebi e bile ke eng lo gopola gore go mosola go dira jalo?
Go botlhokwa thata gore rona jaaka bantshakuno re bue ka lentswe le le lengwe. Montshakuno yo o tlhabologang ke montshakuno wa dijo wa mogwebi yo o tlhogang. Fa re simolola mmogo, re buisana le go emana nokeng, go tlaa maatlafatsa bantshakuno botlhe.
<fn>PulaImvula. StudyGroup(maize).2011-04-07.tn.txt</fn>
Setlhophathutano sa Uphuzane.
Setlhophathutano sa Uphuzane se kwa kae?
Uphuzane e letse dikhilomitara di ka nna 25 go tswa Paulpietersburg kwa karolong ya bokone wa Kwazulu-Natal fela gaufi le Noka ya Bivane. E ke kgaolo e tala ya selegae ka mafaratlhatlha a a bokoa mme bantshakunoba tlhaela bokgoni le kitso go ka kgona go dira temothuo ka boitshegeletso le boikemelo.
Setlhophathutano se dirwa ke banna le basadi ba ba gakaletseng go ithuta le go tokafatsa lotseno lwa bona go tokafatsa matshelo a bona le go dirisa metswedithuso ya tlhago go bona botoka.
Gajaana bantshakuno ba dirisa bokana ka diheketara di masomeasupa tsa lefathse la temo fela go sa ntse go na le masimo a magola a le mantsi.
Mabaka a lefatshe le le sa dirisiweng ke afe?
Mabaka a lefatshe le le sa dirisiweng bogolo thata ke go tlhoka go nna teng ga matlole; ka gore masimo a bona a mo le faatsheng la morafe mme batlamela ka matlole ba ngodiega go adimana ka madi. Bothata jo bongwe ke tirisometšhine, tlhaelo ya diterekere le didiriso.
Setlhophathutano se kopana ga kae?
Setlhophathutano se kopana gangwe fela ka kgwedi go buisanela mathata le gore ba ka dirisa jang metswedithuso e e lekanyeditsweng ya bona.
Mesola ya go nna tokololo ya setlhophathutano ke efe?
Kgakgamalo e kgolo mo go nna e ntse go bona fa bantshakuno ba simolotse go dirisa mekgwatiriso ya ntshokuno ya segompieno (go sa lemeng) mo setlheng sa 2009/2010 ka katlego e kgolo. Mo setlheng seno ba okeditse tota tiriso yam midi wa go-sa-lemeng gotlhelele ka katlego e kgolo le go gaisa. Keletso ya bona go fetoga mo mekgweng ya bona ya bogologolo ya go jala mmidi go tsena tseleng ya segompieno e supa gore gab a kgatlhanong le go fetoga le gore katiso le tlhabololo di ungwa maungo.
Bantshakuno ba lemogile gore ba bona tshedimosetso le kitso e ntsi mo go nneng tokololo ya setlhophathutano le go tsenela malatsi a balemirui. Tsela nngwe ya go bona maitemogelo a mantsi ke go dirisa dipoloto tsa tekelelo go bontsha bantshakuno tsela e e tshwanetseng le ya segompieno eno ya go jala mmidi.
A go na le tirisano magareng ga setlhophathutano le lephata la temothuo ya bogwebi?
Go na le tirisano magareng ga ditokololo tsa setlhophathutano le bantshakuno ba bagwebi ba selegae, fela sekgala go tswa kwa go bona le bantshakuno ba bagwebi ke kgwetlho. Setlhopathutano se na le botsalano jo bo edileng le Lefapha la Temothuo le bantshakuno ba bagwebi mo kgaolong.
<fn>PulaImvula. StudyGroup(maize).tn.txt</fn>
Use the South African map and show where the Northern Eastern Cape is.
Photo 1: Setlhophathutano sa Khanyayo mo pitsong ya setlhophathutano.
Photo 2: Modulasetilo wa Setlhophathutano sa Khanyayo rre Magidela fa pele ga mmidi wa gagwe.
Setlhophathutano sa Khanyayo.
Setlhophathutano se kwa kae?
Setlhophathutano se mo kgaolong ya magae e e nang le mafaratlhatlha a mannye thata kgotsa a a se yong gotlhelele, dikhilomitara di ka nna 60 go tswa Bizana mo bokone jwa Kapabotlhaba.
Setlhophathutano se na le ditokololo di le 100.
Go na le lefatshe la temo la ntshokuno la diheketara tse 100.
Diheketara tse 40.
Mabaka a a gore goreng go sa jalwa lefatshe lotlhe la temo?
Tlhaelo ya matlole.
Tlhaelo ya ditsenngwateng.
Tlhaelo ya didiriso.
Tlhaelo ya logora lwa thekeletso.
Tlelaemete - mo tshimologong ya setlhajalo sa 2010, pula e nele thari mme go ne go tsopotlega ga ka jala ka nako.
Sekgala sa go tswa batlameding ba ditsenngwateng, sekao monontsha, peo le dikhemikhale.
Setlhophathutano se kopana ga kae?
Setlhophathutano se kopana le ba Grain SA gangwe mo kgweding mme bona ba kopana beke le beke go buisana ka tsa temothuo.
Dipoelo tsa go nna tokololo ya setlhophathutano ke eng?
Dipoelo tsa go nna tokololo ya setlhophathutano ke phetiso ya kitso, dipuisano tsa setlhophathutano, go bona mekgwatiriso ya temo e e nepagetseng go tswa dikaong tsa tseommu, jalong, tshelong ya dibolayatlhatshana le ditekelelo. Setlhophathutano sa Khanyayo se ntse Lesego la go tsenela Khoso ya Tlhagiso mo Mmiding.
A go na le tirisano magareng ga setlhophathutano le lephata la temothuo la bogwebi?
Ga go ise go nne le balemirui ba bogwebi mo tikologong gajaana.
Setlhophathutano se ungwileng go tswa Grain SA?
Ka moele wa dipitso tsa setlhophathutano, ba bone kitso ka go kgona go buisana le go golagana ka dipoelo le dithapolo tsa mekgwatiriso ya go jala e e nepagetseng.
Ditshupetso tsa ditekelelo di ntse le tshusumetso mo dipoelong tsa tiriso ya dikhemikale le monontsha.
Ka ntlha ya go tlhama setlhophathutano, ba tlhamile setlhopha sa theko ka fa gare ga setlhophathutano go reka dikhemikale le monontsha.
<fn>PulaImvula. StudyGroups(maize).2011-05-11.tn.txt</fn>
Mo kgaolong e go na le diheketara di le 2 152 tsa lefatshe la temo le le dirisiwang ke ditokololo tsa ditlhophathutano. Se ke lefatshe la morafe, lefatshe le e leng la puso fela le laolwa ke pusomorafe. Molemirui mongwe le mongwe o na le "tshwanelo ya tiriso" e e lekanang le tumelano ya khiro. Molemirui ga a kitla lefatshe e nna la gagwe, fela lefatshe ga le kitla le amogwa balosika.
Mo setlheng se, balemi ba reteletswe ke go jala diheketara di le 857. Go na le mabaka a le mmalwa a a tlhodileng se, a a akaretsang ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa ditsenngwateng gammogo le ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa go dirisa borakonteraka. Balemirui ga ba kgone go ithekela didiriso le diterekere tse e leng tsa bona ka ditlhotlhwa tse ba di amogelang mo dithorong tsa bona tse di kwa tlase mme poelo e le nnye. Bontsi jwa balemirui ba ba sa ntseng ba dirisa lefatshe le ba tsofetse mme ba ikantse diphenšene. Balemirui ba ba tsofetseng ga ba letlege go bona thuso ya matlole jaaka dikadimo go tswa dibankeng mme ga ba kgone go oketsa lefatshe le ba le lemang ka madinyana a ba nang nao.
Bogolo jwa lefatshe la temo ga bo a agelelwa ka jalo balemirui ba lebagane le ditatlhegelo go tswa mo loruong lo lo fulang mo masimong a a jetsweng. Lenaneo la CASP la Lefapha la Temothuo le bonya thata mo mafaratlhatlheng a a tshwanang le metheriale wa kagelelo. Lenaneo la ntshokuno ya dijo le le sephara le wela tlase ngwaga le ngwaga mme ke balemi ba se kaenyana fela ba ba thusiwang ke lenaneo le go jala dijalo tsa bona. Balemirui ba Magae ba dira dikopo kwa lenaneong la ASGISA le le berekang lefatshe la merafe kwa ntle ga go akaretsa beng ba lefatshe. Se ga se tharabololo e e ka itshegeletsang ka re itse gore ASGISA e sa tlhole e bereka masimo, a tlaa dika gape ka go se na phetisetso ya bokgoni le maatlafatso ya nnete e e diragalang. Maemo a letobo.
Ditokololo tsa setlhophathutano di kopana gangwe ka kgwedi. Go na le boleng jo bogolo go nna karolo ya setlhophathutano ka balemirui ba kgona go arogana dikakanyo le go tlhagisa ditlhokego tsa katiso tsa bona gammogo le go abelana kgakololo le kemonokeng. Balemirui ba magae ba kgakala thata le balemirui ba bagwebi mme go na fela le palonyana ya balemirui e nnye e e dirang temothuo mo selekanyong sa bogwebi. Tlhabololo mo dikgaolong tse e bonya, fela ke itumela go ka bega gore tswelelopele e a bonala. Balemi ba dirisa dipeo tsa maidi, monontsha le go tsaya matsapa a magolo go laola mofero mo masimong a mmidi a bona.
<fn>PulaImvula. StudyGroups.2009-01.tn.txt</fn>
Maitlhomo a setlhophathutano ke eng?
Nngwe ya diporojeke tsa botlhokwa mo Lenaneotlhabololong la BalemiruI ke tlhomo le tirelo ya ditlhophathutano.
Maitlhomo a porojeke e ke go rotloetsa bantshadikuno ba ba tlhabologang, ba ba nang le lefatshe, go tlhama ditlhophathutano tse di kopanang gangwe le gape go fitlhelela tshedimosetso le katiso tse di amanang le madirelo a mmidi.
Lawrence Luthango (o ntse a dira go tloga ka Motsheganong 2008) mo Kapabotlhaba - ditlhophathutano di le 14.
Tseosekaommu, go dirisa boro ya mmu, boteng jwa mmu, katisegelo ya mmu le logogo lwa mmu, go tshelwa mmu ga llaeme, dipholo tsa tlhatlhobommu, botlha jwa mmu, kgono ya mmu, nontsho, ditlhokego tsa dimela tsa dikotla, bogona jwa dikotla mo mebung e, mekgwa ya tshugommu le tshomarelo ya bongola.
Dikadimo go bantshadikuno - kamego e e feleletseng ya go adima madi, togamaano ya matlole, ditshenyegelo tsa ntshodikuno, diphopholetso tsa thobo, matlhajalo, botengjalo, methalethale, dipalopalo tsa dimela, tshwaetso ya tlelaemete mo ntshodikunong ya dijalo, khaliboreišene ya dikgatshi le dipolantere, dithefosanyodijalo, tiriso ka botlalo ya bokonteraka, go roba, ditengbongola tsa tekanyoboleng ya dithoro, poloko ya mmidi, ditshenyegelo tsa thorô, go reka ditlhagisakuno ka botlhale, mosola wa masalela a dijalo, thekiso ya dithoro, dikabo le kemonokeng go tswa kwa pusong.
Ditshenyegelo tsa ditiro, ditlhokego tsa kW tsa didiriso tse di farologaneng, ditshenyegelo tsa dipaakanyo, ditlhokego tsa kW ka heketara, phokotso ya tshugommu go fokotsa ditshenyegelo le ditumelano tsa tseomolato.
O ka bona jang lefatshe, dipalelo tsa kgaolo, khiro ya lefatshe, pharologantsho ya mmu, le gore o ka kampana jang le bothata jwa boipei mo lefatsheng.
Taolo ya sebokosegi mo masimong le taolo ya sebokophetlhi.
Mefuta ya mefero, taolo ya mofero ka dikhemikale le metšhine, taolo ya bojang mo meferong, dibolayatlhatshana tsa pele le morago ga tlhogo le go kgatsha ka mola kgotsa tshimo yotlhe.
Tshenyo ya sefako, inšorense ya sefako, inšorense e e akaretsang gotlhe le ditlhokego tsa inšorense.
<fn>PulaImvula. SuccessfulMaize.2009-06.tn.txt</fn>
Jaaka nngwe ya dikgato tsa ntlha mo tsamaisong e e nonofileng ya kgwebo ya temothuo, go botlhokwa go swetsa ka maitlhomo. Tsela e e sa itsiweng ga e ka ke ya latelwa kwa ntle ga kakanyo nngwe ya maitlhomo a a elediwang. Gangwe le gape bantshadikuno ba nyadiwa ka gore ga ba rate go ipeela dintlhaphitlhelelo kgotsa maikaelelo a kgwebo kgotsa a bona ka sebele.
Go bokete go bopa maitlhomo mo kgwebong ya temothuo ka gore maemo ga a tlhomama e bile gape ga a bonelwe pele.
Go tsaya nako e telele thata ya go tlhoma maitlhomo a tota a kgwebo ya temothuo.
Le mororo mabaka oobedi a na le ntlhanyana ya boammaaruri, botlhokwa jwa go tlhoma dintlhaphitlhelelo - le e bile go le mathata le nako e telele e e tlhokegang - ga bo ka ke jwa gatelelwa go feta fa. Maitlhomo a naya tsela le maikutlo a go dira mme kwa ntle ga tsona ga go kgonege go tlhomamisa katlego kgotsa go palelwa. Kwa ntle ga maitlhomo go lekanya bononofi ga go na mosola, gonne ga go kgonege go thuntsha ntlhaphitlhelelo e e se yong. Lebaka la gore go tlhoma ntlhaphitlhelelo mo kgwebong ya temothuo go bokete le go ja nako, ga le fokotse botlhokwa jwa yona, mme e bile bo gatelela lebaka la gore e tlhoka tlhokomelo e e kgethegileng.
Go tlhoma dintlhaphitlhelelo mo kgwebong ya temothuo fa gongwe go tla le mathata. Lebaka la se le fitlhelwa mo ntlheng ya gore temothuo ke boiphediso jwa mong-montshadikuno gape ke mokgwa wa botshelo. Lelapa la gagwe ke karolo e e tletseng le e e gokaganeng le kgwebo ya gagwe jaaka boiphediso. Le mororo go amogelesegile ka kakaretso gore maitlhomomagolo a kgwebo ya bokapetalise ke poelo e e kwa godimo mo pakeng e telele, kgwebo ya temothuo e ka tswa e sa tsee se jaaka ntlhaphitlhelelokgolo ya yona ka ntlha ya kgolaganyo ya mokgwa wa botshelo le thutegoiphediso. Maitlhomokakaretso a beng-bantshadikuno ba ka jalo a ka anelwa ka bophara jaaka tatelelo ya poelo e e kgonegalang e e kwa godimodimo fela fa e le gore tatelelo e ya poelo ga e ne e kgaphela kwa morago botshelo jo bo monate jwa selelapa le jwa tsela ya botshelo.
Maitlhomo a a tlhagisitsweng fa godimo ga a na moko ka gore ga a kgone go lekanyediwa e bile a ka tlhalosiwa ka ditsela tse di farologaneng. Tlhaloso ya teng le gale, e nna boammaaruri mo tirisong, moo go itemogelwang gore ga go batho ba babedi ba ba nang le thulaganyo ya boleng e e tshwanang le kgopolotheo ya se se dirang lelapa le le itumetseng le mokgwa wa botshelo, tse di tshwanang. Bogolo le lobaka lwa tatelelo ya poelo ka jalo e tlaa farologana go tswa montshadikunong go ya go yo mongwe, go ya ka mabaka a sebele a gagwe le bogolo jo a ikemiseditseng go ntsha tatelelo ya poelo ya gagwe setlhabelo boemong jwa ditlapele tse dingwe. Se le gale se ka nnang botlhokwa thata mo montshadikunong ka sebele mo lebakeng le, ke gore o tshwanetse go tlhomamisa gore ditlapele tse dingwe tsa gagwe di mo ja bokae mo go ntsheng poelo ya gagwe setlhabelo, ka gonne ke gona fela a tlaa kgonang go dira tlhopho e e tlhalefileng magareng ga ditlapele.
Morafe o solofela lephata la ntshodikuno la temothuo go tlamela - go ya ka ditekanyetso tsa naga e e rileng - bonnye ka dijo le dimatheriale tsa motheo ka ditlhotlhwa le go tswelela go dira jalo, go go rayang tiriso e e kwa godimo ya ditlamelwa tsa tlhago mo pakateleleng. Fela le gale maitlhomokakaretso ga a ne a lekana. Tiro kgotsa tirwana nngwe le nngwe e tlhoka maitlhomo kgotsa maitlhongwana a a kgethegileng a yona, fela tsotlhe tse di tshwanetse ka gale go tsamaelana le maitlhomomagolo a kakaretso. Sekao, montshadikuno yo o batlang go ntsha mmidi o tshwanetse gape go nna le maitlhomo a a kgethegileng a lekala la gagwe la mmidi, sekao, go jala diheketara di le 500 tsa mmidi o mohibidu ka ngwaga. Fela se le sona ga se ise se lekane. O sa ntse gape a tlaa tshwanela go tlhomamisa maitlhomo a tiragatso le ditshenyegelo gonne tse le tsona di tlaa mo kaela mo thulaganyong ya gagwe ya tiriso ya peo le monontsha.
Montshadikuno mongwe le mongwe o tshwanetse go tlhomamisa maitlhomo a sebele a gagwe. Botlhokwa jwa go tlhoma dintlhaphitlhelelo bo ka gatelelwa gape mme gape go tshwanetse go bontshiwe gore go botlhokwa mo montshadikunong go itlhaloganya sentle gore tota o batla go fitlhelela eng ka kgwebo ya temothuo ya gagwe. Fa go na le thulano magareng ga maitlhomo a, montshadikuno ka boene, o tshwanetse go akanya ka ditatelelo tse di kgethegileng le botho jwa gagwe mme a bee dintlha tsa ditlapele tsa gagwe ka botlalo. Mo thulaganyetsong ya kgato kgotsa ntlhaphitlhelelo efe kana efe e nngwe, o tshwanetse go netefatsa ka botlalo gore maitlhomo kgotsa tiro e e kgethegileng e, l di tsamaelanang le ditlapele tsa gagwe ka sebele le go tlhakana le maitlhomo a kakaretso.
Sengwe le sengwe se go fitlha gajaana se builweng ka maitlhomo se ka sobokanngwa ka kgopolotheo e le nosi. Maitlhomo a kgwebo ya temothuo ke tatelelo ya poelo e e kwa godimo ka tshiamelo ya gore ditlamelwana tsa tlhago (mmu, metsi, phulo, jj) di tlamelwa ka tsela ya gore di ka dirisiwa go ntsha thobo e e kwa godimo mo pakateleleng.
Go simolola dithulaganyo tsa taolo tse di lekaneng go tlamela ka dipegelo tsa tswelelopele gore dikgato tsa paakanyo tse di ka tlhokegang di dirwe ka nako e e tshwanetseng.
N - tsamaelana le nako.
Go tlhoma maitlhomo go amana le "boeng" jwa tiro ya temothuo, go kaya go bona dikarabo tsa potso : "Re batla go fitlhelela eng?
Go fitlhelela dintlhaphitlhelelo tsa thobo ka heketara - se se raya gore ntshodikuno ka heketara e tshwanetse go fitlhelela dintlhaphitlhelelo tse di tlhomilweng mo tekanyetsong ya ngwaga le ngwaga. Dintlhaphitlhelelo di farologana go ya ka kgwebo le kgwebo.
Go netefatsa gore dikuno tsa mafelelo di fitlhelela dipatlego tsa mebaraka - motsamaisi wa ntshodikuno, sekao, o tshwanetse go tlhoma maitlhomo a ntshodikuno go fitlhelela ditlhokego tsa mebaraka. Se e ka bo e le go ya ka bogolo, mmala kgotsa boleng jwa ka fa teng.
Go netefatsa gore tirego e a tswelela - se se raya gore tikologo ga e amiwe bosula kgotsa go sa tlhokafale ke ditirego tsa ntshodikuno; sekao, ka dikhemikale tsa go laola disenyi, menontsha, j.j gore dilekanyo tse di kwa godimo tsa ntshodikuno di tswelediwe mo pakatshelong yotlhe ya kgaolo ya ntshodikuno kgotsa kgwebo.
Go sala ka mo letlhomesong (framework) la Mekgwatiriso ya Temothuo e e Siameng (MTS) - MTS e batla tlhokomelo mo tirisong ya dikhemikale go netefatsa pabalesego ya badirisi botlhe, tirisong ya dibolayasenyi, dibolayafankase le menontsha ka tsela e e rulaganyeng, tlhokometsweng le akanyeditsweng, le tiragatso e e lolameng ya metsi go thibela tshenyego, kgotlelego le kgogolego.
Maitlhomo a tlaleletso a ka dira mo ditirong tsa temothuo tse di rileng; fela go fitlhelela maitlhomo a a boletsweng fa godimo go tlaa netefatsa katlego e e botlalo ya tiro eno.
<fn>PulaImvula. Sunflower(opot).2011-04-07.tn.txt</fn>
Montshakuno o tshwanetse a netefatse gore taoloboleng e simolola kwa togamaanong le dikgatong tsa pele ga jalo mme e akaretsa kgato ya tsamaiso nngwe le nngwe e e tlaa netefatsang ntshokuno e e kwa godimodimo.
Dintlha dingwe go di akanya le tse di tlhotlheletsang boleng jwa bofelo jwa peo e e robilweng ke: paakanyommu, botengmmu, pH, tekatekano ya diminerale, bongola jo bo bolokilweng, tlhopho ya mohutapeo, nontsho e e nepagetseng, taolo ya mofero le disenyi le go roba ka kgato e e nepagetseng le pereko e e tshwanetseng go akaretsa mekgwa ya phepafatso, komiso le poloko.
Go roba go tsenyeletsa tiro e kgolo le masisi ya kgwebo ya temothuo nngwe le nngwe. Go roba ke kgato ya ntlha mo thulaganyong ya morago ga ntshokuno go akaretsa tirego, poloko le pabalelo ya sejalo sa sonobolomo. Mo dikgaolong tsa ntshokuno tse di farologaneng mo Aforikaborwa thobo, poloko le tirego di akaretsa motseletsele wa ditiro go tswa kwa kotulong le polo ko ya tlhogo ya sonobolomo yotlhe go tlaa phuthwa moragonyana mo dipolaseng tse dinnye le go ya ditirong tsa temothuo ya dithoro ya tirisometšhine ya bogwebi e e feletseng.
Gantsi disonobolomo di robiwa pele ga dijalo tsa mmidi mo ngwageng o o tlwaelegileng go tswa bofelong jwa Tlhakole mo peong e e jetsweng go sale gale go ya Motsheganong mo peong e e jetsweng moragonyana. Gale thobo e e ka wediwa pele ga thobo ya mmidi e simologa. Se, se botlhokwa mo ditirong tse dinnye tse di dirisang dirobi tse di tshwanang go roba sonobolomo le mmidi. Montshakuno mongwe le mongwe a ka dirisa rakonteraka yo o nang le metšhine e e setetsweng mmidi le/kgotsa sonobolomo. Paka ya go butswa le thobo e tshwanetse go tsholwa e le khutshwane ka fa go ka kgonegang go fokotsa ditatlhegelo go tswa tshenyong ya dinonyane le malwetse a poloseako.
Dimela tsa sonobolomo di budule gotlhelele fa bokafamorago jwa tlhogo bo fetogile go nna bosetlha go tswa go botala, phetogo e gantsi e diragalang pele ditlhogo di omile sentle go ka robiwa. Disonobolomo tse di jetsweng moragonyana di tlaa bo di siametswe go rojwa fela fa morago ga serame se se bogale mo dikgweding tsa ntlha tsa mariga. Pele ga thobo dirisa selekanyabongola go lekanya dilekanyo tsa bongola mo dijalong ka le morago ga go butswa gotlhelele, go netefatsa gore dijalo di robiwa ka nako e maleba po! Fa o se na selekanyabongola, go ka tsewa dikao morago ga dipakanyana, go di isa kwa motsamaising wa difala kgotsa ka puisano le rakonteraka wa morobi wa gagwe, gore o tle o swetse gore go tsaya kgato e e nepagetseng ya go ka roba ke leng.
Go fokotsa ditatlhegelo tsa go tlhotlhorega ga peo ka nako ya thobo le tatlhegelo ya go jewa ke dinonyane, sonobolomo e ka robiwa ka diteng tsa bongola jwa bogodimo jwa 20% go ya 25% le go omisiwa mo seomising sa dithoro go fitlha go 9,5% jo eleng diteng tsa bongola jo bo babalesegileng go ka bolokwa mo bining. Fela le gale maemo mo Aforikaborwa a rata komiso e e feletseng ya sonobolomo go diragalela kwa masimo pele e ka rojwa. Go tshwanetse ka gale go akanngwe gore sonobolomo ya diteng tsa bongola tse di kwa godimo ga 10% e tshabelelwa ke go tlhaselwa ke fankase.
Lobelo lwa go ya kwa pele lwa serobi le tshwanetse go nna magareng ga dikhilomitara tse tlhano le robedi ka ura. Lobelo lwa go ya pele lo lo kwa godimo lo tlaa farologana go ya ka diteng tsa bongola jwa lobelo lwa sonobolomo le thobo ya dijalo. Lobelo lwa go ya pele lo tshwanetse go fokodiwa fa diteng tsa bongola jwa peo di fokotsega go fokotsa tatlhegelo ka tlhotlhorego fa ditlhogo di tsena mo serobing.
Mabelo a a kwa godimo ga a tshwanela go kgama silintara le disefo tsa kgaolo e e di kgaoganyang kwa ntle fela ga mo dijalo di pitlaganeng thata. Peo ya bongola jwa 12% go ya 15 % e tlaa phothega bonolo thata fa e feta mo silintareng.
Ditlhogo tse di phothegileng bontlhanngwe tse di wetseng fa fatshe.
Katologano ya khonkeife e sephara.
Go nna le mmoko o montsi.
Go tswa ga phefo go kwa tlase, go photha go feta kwa silintareng/rotorong. Diphatlha tsa mmoko di ditshesane.
Matheirale wa leswe o o fetileng mo bining ya hapore.
Photho. Lebelo la silintara/rotoro le kwa godimo thata, khonkeifi e gagametse thata, fene e bonya, kgotsa sefo e bulegile thata.
Ditlhogo tse di robegileng kgotsa silegileng.
Mabelo a silintara/rotoro a a kwa godimo, katogano e tshesane ya khonkeifi.
Peo e e tšhwetlegileng ka lekape le le itekanetseng.
Katogano ya khonkeifi e gagametse thata.
Dipeo tse di photlegileng kgotsa thubegileng.
Mabelo a a kwa godimo a silintara/rotoro kgotsa matheriale o feteletseng go tswa dikokoleng.
Ditlhogo tse di sa phothwang fa fatshe.
Phutho e e bokoa kwa tlhogong le dipane.
Peo e e tlhatsediwang kwa ntle kwa morago ga sephothi.
Go tswa ga lebelo/mowa, iketlise motšhine le kelophoko ya mowa.
Ditatlhegelo tsa thobo di simologa go tswa 3% go ya 5% fela di tlhatlogela go 10% kgotsa 15% mo maemong a a maswe. Dirobi tsa semotšhine di tshwanetse di tlhatlhobelwe bokgoni le go tlhatlhoba ditatlhegelo tota pele le morago ga serobi se sena go roba loeto lwa tekelelo.
Go netefatsa gore montshakuno o ka simolola go laola thobo le diteng tsa bongola jwa poloko ka botlalo, go botlhokwa gore o fitlhelele selekanyabongola sa segompieno kgotsa o ithekele sa gago fa mothamo wa ntshokuno ya gago o go letla jalo.
Ditekobongola tse di nepagetseng di botlhokwa tahta mo tsamaisong le thekiso ya dithoro.
Tshenyego fa dithoro di sa le metsi thata le go bewa mo themphereitšheng e e kwa tlase kgotsa dibini tsa komiso tsa mowa wa tlhago.
Ditshenyegelo tsa komiso tse dingwe gape le tatlhegelo ya serobi fa dithoro di robiwa di sa le metsi thata.
Tshwabo ya bongola le dituelelo tsa komiso tsa tlaleletso.
Tatlhegelo ya boleng jwa dijalo.
Go dira tekelelobongola e e nepagetseng sa ntlha bona sekao se se emelang dijalo sentle.
Go bona sekao medi pele ga thobo ka gore diteng tsa bongola jwa sonobolomo e e emenge sa rojwa di ka nna tsa fosega. Se se tlaa tlhola gore thobo e dirwe moragonyana go na le ka bonako.
Roba karolo mme o e tlhatlhobe.
Tswaka ditlhogo tse di tlhophilweng ka letsogo le dipeo tse di foforegileng go tswa dimeleng tse di farologaneng tse di tlhaotsweng go tswa kwa le kwa mo tshimong. Dira ditekelelo tse tharo mo sekaong se mme o tsee palogare ya dipholo.
Tsaa sekao sa gago kwa motsamaising wa sefala wa gago wa selegae go bona tekelelo e e nepagetseng.
Morago ga gore ditlhogo di setlhefale dira ditshekatsheko gangwe le gape gore dijalo di robiwe ka diteng tsa bongola jwa peo tse di lekaneng.
Gongwe ke ikgethelo e e gaisang ya montshakuno yo o leng mo maemong a ntshokuno ya bogwebi. Dibini tsa dithoro tsa tshipi tse dintsi di bogolo jwa go tswa ditonong tsa mothamo wa diketekete tsa 30 go ya 10. Fa matlole a tlhaela difala tse dipotlana di le mmalwa tsa mothamo wa ditono di ka nna 30 di ka agiwa, tse di tlaa dirang karolo ya thulaganyo ya pereko le poloko ya dithoro e e ka rulaganngwang go tswa tshimolong go ka nna tshimologo ya tlhomo ya thulaganyo e e akaretsang e e diretsweng fela methamo ya ntshokuno ya isagwe ya montshakuno.
Dintlha le dikakanyo tse di tlhotlheletsang thobo le poloko ya dithoro ka bantshakuno di ikaegile ka gore montshakuno o na le kgotsa ga a na polokelo kgotsa polokelo ya gagwe ya bontlhanngwe jwa dijalo kgotsa ya mmidi otlhe o o robilweng mo kgaolong. Bantshakuno ba bagolo ba tlaa bo na le ditshiamelo tsa go tshwara fela karolo ya bogolo jwa sejalosegolo se se ntshiwang. Dipolase tse dikgolo di aname le naga mme go ka nna ditshenyegelotlase go ka rorle kwa difaleng tsa bogwebi ka tlhamalalo go tswa kwa masimong go na le go bereka go tswa masimong go ya sefaleng sa polase mme morago o bo o rorelwa kwa difaleng tsa bogwebi.
Fa o na le ditshiamelo tsa pereko tsa gago tse di akaretsang phepafatso, komiso le dibini tsa polokelo gona dithoro di ka robiwa ka bonako fela fa peo ya sonobolomo e ka kgona go tlhotlhorega mo tlhogong, e phepafaditswe, e omile, e bolokilwe le go rekisiwa ka nako e e maleba sentle, go tserwe tsia gore ke dithulaganyo dife tsa papatso le thekiso tse di dirilweng. Fa dijalo di ka robiwa ka bonako jo bo kgonagalang gona go ka fokodiwa ditatlhegelo kgotsa tshenyego go ya ka maemo a loapi le diriseke tse dingwe.
Sonobolomo e e ntshiwang mo polaseng e go se nang ditshiamelo tsa polokelo gale e tlaa robiwa le go romelwa ka bonako ka bontsi (bulk) kwa difaleng tsa selegae. Montshakuno o tlaa emela gore dijalo di ome go lekane go ka rorelwa kwa difaleng tsa selegae. Dithoro di tshwanetse tsa bo di omile go feta 10% go fitlhelela dikemo tse di kasetilweng tsa disonobolomo.
Nna o tshwaragane le motsamaisi wa sefala sa selegae wa gago go bona gore ke ka selekanyo sa bogodimo jo bokae jwa diteng tsa bongola tsa dithoro e dithoro di ka gorosiwang ka tsona. Ka ditlha tsa thobo e e kwa godimo motsamaisi wa sefala ga a ne a kgona go bereka mothamo o o kwa godimo wa mmidi ka diteng tsa bongola jo bo kwa godimo jalo. Rakonteraka o tshwanetse fela go simolola go roba ka diteng tsa bongola joo dithoro di ka gorosiwang ka bonako go bolokwa.
Mo montshakunong yo o setseng a na le setoro sa polokelo kgotsa difala tsa polokelo tsa gagwe ditlhatlhobo le dithulaganyo tse di latelang di tlaa thusa go boloka dithoro tsa gago ka katlego, pele o ka rekisa dijalo.
Phepafatsa tshiamelo ya polokelo. Phepafatsa setoro kgotsa sefala sa gago thata, le dipeipi tsa kamogelo, diboro le dikhonbeiyase, difene tsa mowa, didakete ka go tlosa matheriale wa leswe o o pakileng moo le dithoro tse dikgologolo tse di ka subang ditshenekegi kgotsa difankase. Thiba manga le magago a a ka tsenyang ditshenekegi, difankase kgotsa bongola go ka tsena mo polokelong.
Akanya go dirisa kalafi ya Bini e e Amogetsweng ya ditshenekegi. Alafa bokafagare jwa thulaganyo ya polokelo le ka fa tlase ga bodilo kwa tsenyomowa bongwe le bongwe ka sekgatshi se se tshwarelelang lobaka go laola ditshenekegi. Netefatsa gore khemikale e kwadiseditswe go dirisiwa le sonobolomo le go latela ditaelo tsa leibole thata.
Netefatsa gore dithoro tse di bolokilweng di phepafaleditswe matheriale osele le mouta. Peo ya sonobolomo e e bolokilweng ka matheraile osele o o feteletseng, difolorete, dipeo tse di thubegileng, dipeo tsa mofero ka dimetheriale dingwe le dingwe di dira sekao sotlhe se se sa tshabelelweng ke difankase le mathata a ditshenekegi. Gantsi metheriale o o na le diteng tsa bongola tse di kwa godimo mme o ka tlhola kgotelo. Go ka nna botlhale go tsenya sephepafatsi sa go gopa mo thulaganyong morago ya "intake pit anger" kgotsa elebeitara pele peo e e phepa e bolokwa ka bontsi.
Dijalo di bolokega botoka fa di le tsiditsana, omile le phepa.
Boloka ka Diteng tsa Bongola tse di Babalesegileng. Peo ya sonobolomo e tshwanetse go bolokwa ka bongola jwa 10% kgotsa kwa tlase fa o rulaganya go bapatsa dijalo mo dikgweding tse thataro go latela thobo.
Dithulaganyo ts Tsenyomowa ya Difala ke selotlele. Fene ya tsenyomowa e ikaelela go tsidifatsa sonobolomo. Difene di tshwanetse go timiwa mo nakong ya maemo a loapi a a bongola kgotsa a dipula.
Tlhatlhoba peo. Peo ya sonobolomo e tshwanetse go tsewa sekao be e le beke go fitlhelela dithemphereitšha tsa peo di tsidifaditswe go fitlha themphereitšha ya poloko ya mariga. Dikao di tshwanetse go tsewa dibeke tse nne dingwe le dingwe mo marigeng le gangwe fela mo bekeng mo dikgweding tsa selemo.
Tlhatlhoba sonobolomo e seng bini. Fa o tsaya sekao, tsenelela mokgobe wa peo wa sonobolomo mme o ele tlhoko thata themphereitšha, bongola, ditshenekegi, difankase le pharologano ya monkgo go tswa mo tlhatlhobong e e fetileng. Fa tsenelelo e le mogote tsaya kgato ya go sutisa kgotsa go dikolosa bini yotlhe ya peo. Utlwelela, dupelela kgotsa o dikologe bini le go tlhola bini ya peo go tswa matlhakoreng a a farologaneng mo matlhakoreng a a kwa tlase le kwa godimo a dibini go kgona go baya maemo a peo mo bining yotlhe leitlho.
Dira ka bonako go tsepamisa bothata. Fa bothata bo ka lemogiwa bo tsepamise ka go tsenya mowa ka bonako, sutisetsa dithoro mo bining e nngwe kgotsa mo bodilong jwa setoro kgotsa di pegwe mo terakeng le go isiwa kwa sefaleng sa bogwebi se se gaufi kgotsa tshiamelo ya bareki.
Peo ya sonobolomo e e sa bolokwang mo maemong a a tshwanetseng e ka jela montshakuno madi a a boitshegang. Ditshenekegi tsa dithoro tse di bolokilweng di ka tswa di ne di setse di le mo polokelong pele e tladiwa kgotsa di ka tsewa morago. Dikgato tse di latelang di tlaa thusa mo thibelong ya dithoro ts di bolokilweng mo mathateng a ditshenekegi.
Phepafatsa polokelo thata pele ga go e tlatsa.
Morago ga go phepafatsa masalela a dijalo tse dikgologolo le lorole le paakanyo dirisa sekgatshi se se tshwarelelang go alafa boalo ba legare la bini dibeke tse pedi pele ga go tlatsa. (latela dipeelo tsa modiri le dipaka tsa thibelo go efoga kgotlelelo m tirisong ya diphologolo le batho).
Efoga go tlatsa ka go tlhakanya dijalo tse dintšhwa le dijalo tse dikgologolo.
Phepafatsa le go tlhatlhoba thulaganyo ya tsenyomowa. Matheriale osele o ka kgobokana mo didaketeng le go tlhola tikologo ya matsalelo a ditshenekegi le go kgoreletsa tsamao ya mowa.
Maemo a dithoro tse di bolokilweng a laelwa ke tirisano e e matswakabele magareng ga dithoro, tikologo ya makero le maekero le ditshidinyana tse di farologaneng go akaretsa ditshidinnye tse di jaaka mouta, ditshenekegi, dintana, dirugi le dinonyane tse di ka tlhaselang. Dithoro di tlamela ka motswedi o o phothoselang wa dikotla mme tshenyo e e bakwang ke ditshedinyana tse di umakilweng fa godimo mme e bidiwa tshwagafalo ya sebaeloji.
Kgotlelego ka meuta e laelwa ke dithemphereitšha (kwa tlase ga 0º C go ya 50º C) tsa dithoro le go nna teng ga metsi le okosijene. Meuta e dirisa phufudi ya metsi, e kgobokano ya teng e laolwang ke seemo sa tekatekano magareng ga metsi a a gololesegileng mo teng ga peo (diteng tsa bongolajwa dithoro) le metsi a a mo kgatong ya phufudi a a dikologileng pelo ya dithoro.
Di tlhola tshenyo ya popego le tatlhegelo ya dikotla.
Ditiro tsa methaboliki di oketsa diteng tsa bongola le themphereitšha ya thoro.
Di dira jaaka dithwadi tsa mogare wa mouta.
Maloko a ditshenekegi le dintana a dirisiwa jaaka tsela ya kgolo ke meuta.
Selekano se se oketsegileng sa ditlhaka tse di thubegileng se fokotsa botshelo jwa poloko thata.
Dimethabolaete wa sekontari ke dikhomphaotile tse di ntshiwang ke ditshidinyana tse di tshelang go akaretsa meuta, tse di seng botlhokwa mo kgolong fela di botlhokwa thata mo diphologolong, batho le dimela.
Dimaekhothokosine tse di ithutilwe ka bophara go tloga 1961 foo setlhopha sa Aspergillus flavus se se botlhole thata e leng "aflatoxins" di se na go tlhaolwa. Tiro nngwe le nngwe e e tshwenyang tsepamo ya ekhositene e tlaa oketsa ntsho ya dimethabolaete tsa sekontari go akaretsa dimaekhothokosine. Dikgato tsotlhe tse di akaretsa tiriso e e anameng ya menontsha le dibolayatshenekegi le temo ya mehuta ya dimela tsa thobo e e kwa godimo le e e lekanyeditsweng.
Dimaethokosine di amegile mo metseletseleng ya malwetse a batho le diphologolo le/kgotsa malwetse le a a tlhagelelang mo dithorong tse di farologaneng. Go jewa ga dimaekhothosine go ka ntsha tlholefatso e e bogale kgotsa e e khoroniki e e ka tlholang loso go ya tshwenyanong le tiro ya boboko, dithulaganyo tsa methapo ya pelo le ditshika le ya mala. Dimaekhotosine dingwe di khasinojeniki, muthajeniki le umunosaporesif Aflotoxin B ke nnwe ya dihephatokhosinojense tse di itsegeng tse di kotsi thata.
<fn>PulaImvula. Sunflower.2008-02.tn.txt</fn>
Insert: E etleediwa ke Oil and Protein Seeds Development Trust.
Photo 4: Tshenyo e kgolo e diragala mo ditlhogong (diako) mme tlhaselego e kgolo e ka dira gore ntshodikuno ya sonobolomo e se nne le dipoelo.
Ke fela dingwe tsa ditshenekegi tse di fitthelwang mo sonobolomong di ka arologantshiwang jaaka disenyi - go na le ditshenekegi tse dintsi tse di ka fitlhelwang mo disonobolomong mme di se na kotsi epe mo semeleng. Ditshenekegi tse di ka nnang matshosetsi mo disonobolomong di ka ja peo e e jetsweng, matlhogelanyana a a sa ntseng a mela, matlhogelanyana a a tlhogang, semela se se golang, medi kgotsa dithoro tse di simololang go ungwa.
Taolodisenyi e ikaegile thata ka dikhemikale (dikhemikale tse di botlhole mo tshenekeging) tse di tlhokang go tshelwa ka nako e e nepagetseng, ka selekanyo se se nepagetseng, mme se se botlhokwa bogolo, botlhole jo bo nepagetseng mo sesenying se se kgethegileng. Go na le dibolayatshenekegi tse di kwadiseditsweng go dirisiwa mo ditshenekeging tsotlhe tse di tlhaselang semela sa sonobolomo - fa o dirisa dikhemikale tse di kwadisitsweng ka selekanyo se se atlanegisitsweng gona o batla o tlhomamisa go bona dipholo tse di siameng. Tselaleano e e golaganeng mo taolodisenying gantsi ke yona e e nonofileng - mekgwataolo e a kopanngwa go gatelela palopalo ya ditshenekegi le go lekanyetsa tshenyo ya ditshenekegi.
Go na le ditshenekegi tse dintsi tse di jang peo le matlhogela, sekao: dibokothale, dibokwana tsa khukhwane ya mmidi e thamaga le dibokosegi (go umaka tse di mmalwa fela). Ditshenekegi tse di fokotsa palopalo ya dimela tse di tlhogileng mme fa di sa laolwe dijalo di ka tshwanelwa go jalwa gape. Taolo e e tshwanetseng ya ditshenekegi tse e ikaegile ka tiriso e e nepagetseng ya dibolayatshenekegi. Taolo ya disenyi tse gantsi ga e ture e bile go tshwanetse go tlhokomelwe thata go thibela tshenyo mo dijalong ka kgato e ya go sale gale.
Go ribega mo marigeng go tlaa thusa mo taolong ya bontsi jwa ditshenekegi tse ka gore di itshuba mo marigeng mo dimeleng tsa baamogedi tse gantsi e leng mofero. Paka ya malatsi a le 35 kgotsa go feta kwa ntle ga semela sa moamogedi e ka nyeletsa mathata a a kgonegang a mantsi.
Peo e e yang go jalwa e ka alafiwa ka sebolayatshenekegi, kgotsa sebolayatshenekegi se ka tshelwa mo forong ka nako ya go jala. Dibokosegi di ka laolwa ka go gasa jarelo mo godimo ga mmu mo moleng. Masimo a mmidi le ona a ka kgatshiwa ka sebolayatshenekegi se se tshwanetseng.
Dikhukhwane tsa mmidi tse dithamaga dibokosegi, khukhwane ya "doodhouertjie" le dikhukhwane tsa harpalus tse di godileng di ka tlhola tshenyo e e boitshegang mo matlhogelanyaneng, mme di ka fokotsa palopalo ya masimo a a nang le tlhogo e e siameng go nna mo dilekanyong tsa ntshodikuno tse di se nang dipoelo.
Sebokobôlô sa Aforika se tlhola tshenyo mo tlhogong ya sonobolomo mme se ka bula tsela ya tshwaetso ya ditshwaetso tsa fankase jaaka "rhizophus microsporus". Ditshenekegi tse di gopang jaaka "nysius nataensis" le tsona di ka senya dithoro tsa sonobolomo tse di golang.
Go na le palo ya dibolayatshenekegi tse di kwadiseditsweng go laola ditshenekegi tse di farologaneng tse di tlhaselang semela. Go botlhokwa thata le gale go tlhaloganya sentle gore tota ke tshenekegi efe e e senyang, jaanong o bo o dirisa sebolayatshenekegi se se nepagetseng ka kelotshelo e e siameng ka nako e e maleba tota. Se se farologana go ya ka tshenekegi le ka kgatokgolo ya semela.
Go diragatsa taolodisenyi go ka fokotsa ditatlhegelo tsa thobo, fela go ja madi mme montshadikuno o tshwanetse go tsaya tsia tshwantshanyo ya ditshenyegelo tsa molemo. Dilekanyo tseo taolo ya disenyi e fetogang tlhokego di setse di baletswe - go na le nako eo go leng botlhokwa go senya madi go laola disenyi go seng jalo tshenyo mo dijalong e ka feta tshenyegelotheko ya molemo.
Ga se mokgwatiriso o o amogelesegang go kgatsha dibolayatshenekegi mo dijalong foo selekano sa tlhaselo se sa fitlhelelang maemo a a maswe. Lebaka la se ke gore ditsomi tsa tlhago di ka nyelediwa ka tsela e, e bile go ka agega kemelano kgatlhanong le sebolayatshenekegi. Dikhemikale di kotsi mo tikologong mme di tshwanetse go dirisiwa fela fa go tlhokega tota.
Tlhagolo pele dijalo di jalwa ke tsela e e atlegileng ya tsamaiso ya thibelo ya tshenekegi. Fela le gale dilekanyo tsa ditshenekegi di tshwanetse go bewa leitlho thata gore go netefadiwe taolo e e sa tureng.
Ka kakaretso go botlhokwa go nna le tselaleano e e golaganeng ya taolo ya disenyi - dirisa mokgwa mongwe le mongwe fela o o matshwanedi ka nako eo mo sejalong seo. Taolo ya ditshenekegi mo dijalong ke ntlha ya botlhokwa mo tsamaisong ya dijalo ka gore e na le kamego ya botlhokwa mo thobong ka jalo le mo ntshodikunong e e busetsang ka fa ikonoming.
Malwetse a dimela a fokotsa thobo le boleng jwa dijalo mme a ka tlhagisetsa diphologolo le batho ba ba di jang, mathata a pholo. Malwetse a dimela a tlholwa ke difankase, baketheria le megare. Dilo tse di ka ama dikarolo tsotlhe tsa semela - medi, dikutu, matlhare, dithunya le diako. Malwetse a a farologaneng a tlhoka maemo a a farologaneng go gola (ata).
Bolwetse bo ka gola fela fa maemo mo tikologong a tshwanetse, semela sa moamogedi se le teng, mme le jona bolwetse bo le teng. Dintlha tse tharo tse di ka bidiwa khutlotharo ya tshwaetso ya bolwetse. Fa nngwe ya tsona e tlhaela, bolwetse ga bo ne bo gola. Bolwetse jo bo tlhagelelang mo kgaolong e e kgethegileng bo ka nna jwa se ka jwa nna teng mo kgaolong yona eo mo setlheng se se latelang fela ka ntlha ya gore maemo a tikologo ga a teng. Ka ntlha ya ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tse di kwa godimo tsa ntshodikuno ya sonobolomo, gantsi ga go busetse go laola bolwetse ka dikhemikale. Malwetse mangwe a teng ka gale fela ga a kgone go tswelela ka gore le le lengwe kgotsa go feta la matlhakore a khutlotharo ga le yo. Malwetse a laolwa go diragatsa dikgato tsa thibelo. Go na le dintlha tse di farologaneng tse di ka akanngwang ka taolobolwetse ya thibelo.
Mefutapeo e mengwe e tlhodilwe le go dirwae le e e ka emelanang le bolwetse. Kemelano le gale, gantsi ke fela mo bolwetseng jo bo rileng mme ga se kemelano ya bolwetse ka kakaretso. Go botlhokwa go tlhaola bolwetse jo bo atileng foo mme o tlhophe mofutapeo o o tshwanetseng tota.
Taolo ya sekhemikale e tlhoka tshelo ya melemo ya difankase le dibaketheria e e kwadiseditsweng bolwetse jo bo kgethegileng, mo maemong a a kgethegileng. Ka gale tlhotlhwatheko ya molemo e tshwanetse go akanngwa pele ga tshelo ya ona - go ka nna botlhale go buisana le moemedi wa dikhemikale tsa temothuo yo o gaufi wa gago kgotsa koporasi ya temothuo, go bona kgakololo mo tirisong ya dikhemikale.
Tshugommu e ka nna botlhokwa thata mo taolong ya malwetse - malwetse mangwe a subiwa ke dirite mo tshimong, ka jalo thulaganyo ya tshugommu e tshwanetse go akaretsa tseotsia ya malwetse a mantsi a a atileng.
Maitlhomo a thefosanyodijalo ke go letla paka e e utlwalang ya matheriale wa dimela go bola. Go botlhokwa go tlhomamisa gore ke malwetse afe a a amogelwng ke dimela dife gore go tle go netefadiwe gore bothata joo bo tsewa tsia ke thefosanyo e e rileng.
Letlhajalô le lona le tlaa nna le tshusumetso mo mo go ateng ga bolwetse bongwe - go jalwa go sa le gale kgotsa morago go ka fokotsa bothata jwa kgolo ya bolwetse joo.
Dintlha tsa ngodiego dingwe di ka ama malwetse a dimela. Dintlha tse di tlholang ngodiego mo dimeleng di akaretsa bongola (kwa godimo thata kgotsa kwa tlase thata) mogote, botsididi, kotlo e e sa lekalekaneng, botlha jwa mmu le tshenyo ka ditshenekegi.
Taolobolwetse e e feletseng e tlhoka bonnye nyeletso ya leoto lengwe la maoto a khutlotharo ya bolwetse. Se se ka fitlhelelwa ka katlego ka go dirisa thulaganyo ya taolobolwetse e e golaganeng.
Dintho tse di tlholwang ke Septoria gantsi di ganelela fela mo matlhareng. Ditshwaetso tsa Alternaria di bontshiwa ke go tswa ga dintho tse dintsho mo dikutung, dikgopo tsa letlhare, le ka fa morago ga tlhogo ya sonobolomo.
Mogare o o tlholang bolwetse jo o anamisiwa ke ditsie tsa letlhare mme ke bothata jo bogolo mo kgaolong ya Nagatlase (Lowveld) le koo go lengwang korong. Dimela di tshwaediwa fela fa morago ga go tlhagelela fa godimo ga mmu, di a huba mme ga di ne di ungwa.
Gongwe jo, ke bongwe jo bo tshenyo e e boitshegang jwa malwetse a botlhokwa a bogwebi mme bo laolwa ka thefosanyo ya dijalo. Tlhaselo mo dikutung e tlhola dikgaolo tse dikgolo tse di bokoa mo kutung, go diragala fela fa godimo ga boalogodimo mme go ka isa kwa konegong kgotsa go wa fa diphefo tse di maatla di foka.
Ditlhogo jaanong di kgoma mmu mme di ka isa kwa tshwaetsong ya fankase pele thtrlo e simolola.
<fn>PulaImvula. Sunflower.2009-01.tn.txt</fn>
Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa mo kaeding ya Ntshodikuno ya Sonobolomo ya Grain SA.
Ke fela dingwe tsa ditshenekegi tse di fitlhelwang mo dimeleng tsa sonobolomo di ka tsewang e le disenyi. Ditshenekegi tse di ka nnang matshosetsi mo disonobolomong di ka iphepa ka dipeo tse di jetsweng, matlhogelanyana a tlhogang, matlhogelanyana a a setseng a tlhogile, semela se se golang, medi le ditlhaka tse di tlhogang.
Taolotshenekegi e ikaegile thata ka dibolayatdshenekegi (dikhemikale tse di botlhole mo tshenekeging). Go na le dibolayatshenekegi tse di kwadiseditsweng go dirisiwa mo ditshenekeging tsotlhe tse di tlhaselang semela sa sonobolomo. Molebokgokagano mo taolotshenekeging gantsi ke ona o o nonofileng - go kopanngwa mekgwa e e farologaneng go gatelela dipalopalo tsa tshenekegi le go lekanyetsa tshenyo ya tshenekegi.
Go na le ditshenekegi tse di farologaneng tse di jang peo le matlhogelanyana, sekao, dibokothale, sebokwana sa khukhwane e thamaga ya mmidi, dibokosegi, j.j go ama di se kae fela. Ditshenekegi tse di fokotsa palopalo ya dimela tse di setseng di tlhogile, mme fa di sa laolwe dijalo di ka tshwanela go jalwa gape. Taolo e e tshwanetseng ya ditshenekegi tse e ikaegile ka tshelo ya dibolayatshenekegi e e nepagetseng, bogolosegolo ka nako ya jalo.
Go ribega mo marigeng go tlaa thusa mo taolong ya bontsi jwa ditshenekegi tse - paka ya malatsi a 35 kgotsa go feta kwa ntle ga semela sa moamogelamoeng go tlaa fedisa bontsi jwa tsona.
Go ka alafiwa peo e e yang go jalwa ka sebolayatshenekegi; kgotsa sebolayatshenekegi se ka tshelwa mo forong ka nako ya jalo. Dibokosegi di ka laolwa ka go di tshelela jarelo mo godimo ga mmu mo moleng. Masimo a mmidi le ona a ka kgatshiwa ka seboloyatshenekegi e e maleba.
Dikhukwane tse di thamaga tsa mmidi tse di godileng, (Astylus, Atromaculats) dibokosegi (Agrotis Segetum), Khukhwane ya Harpalus, di dira tshenyo e e boitshegang mo matlhogelanyaneng mme di ka fokotsa dipalopalo mo masimong a a tlhogileng sentle go sala ka dilekanyo tsa ntshodikuno tse di seng tsa sepe.
Sebokobolo sa Aforika (Helicoverpa Armigera) se baka tshenyo mo tlhogong ya sonobolomo mme se ka bulela tshwaetso ya ditshwaetso tsa fankase jaaka Rhizopus Microsporus. Ditshenekegi tse di gopang jaaka Nysius Nataensis le tsona di ka senya peo ya sonobolomo e e simologang.
Go na le palo ya dibolayatshenekegi tse di kwadiseditsweng go laola ditshenekegi tse di farologaneng tse di ikgomaretsang mo semeleng. Fela go botlhokwa go tlhaloganya sentle gore ke tshenekegi efe e e bakang tshenyo mme o bo o dirisa sebolayatshenekegi se se nepagetseng ka kelotshelo e e maleba ka nako e e lebaneng po! Se se a farologana, go ya fela ka tshenekegi le kgato ya kgolo ya semela.
Go tshela selaoladisenyi go ka fokotsa ditatlhegelo tsa thobo, fela go ja madi tota, ka jalo montshadikuno o tshwanetse go tlhokomela pharologano ya ditshenyegelo tsa molemo. Dilekanyo tseo taolo ya disenyi e nnang tlhokego di setse di baleletswe - go na le kgato e mo go yona go nnang botlhokwa go senya madi go laola disenyi go seng jalo tshenyo e e ka diragalang mo dijalong e ka feta ditshenyegelo tsa molemo.
Ga se mokgwatiriso o o amogelesegang go kgatsha sebolayathenekegi mo dijalong foo selekanyo sa tlhaselo se sa fitlhelelang maemo a a masisi. Lebaka ke gore ditsomi tsa tlhago tsa tsona di ka bolawa ka tsela e, mme kemelano e ka agega kgatlhanong le sebolayatshenekegi.
Go ribega pelenyana pele ga sejalo se jalwa ke tsela e e atlegileng ya tsamaiso ya thibelo ya ditshenekegi. Dilekanyo tsa ditshenekegi le gale, di tlhoka go bewa leitlho thata e le go netefatsa taolo ya seikonomi.
Go na le dimela dingwe tse di nang le kemelano ya tlhago kgatlhanong le ditshenekegi dingwe - go na le matlhakoremabedi go se, e leng mosola wa pakakhutshwane ka gore sejalo ga se ne se tlhoka go kgatshiwa gammogo le mosola wa pakatelele ka gore dipalopalo tsa tshenekegi di a fokotsega mo pakeng e e bonalang.
Ka ka karetso go botlhokwa go nna le molebo o o gokaganeng mo taolodisenying - dirisa mokgwa ofe fela o o bonang o le matshwanedi ka nako eo mo sejalong seo. Taolodisenyi mo dijalong ke ntlha ya botlhokwa thata mo tsamaisodijalong ka gore e na le tshusumetso e e botlhokwa mo thobong, ka jalo le mo ikgonong ya seikonomi ya ntshodikuno.
Malwetse a dimela a diga thobo le boleng jwa dijalo mme a ka bakela batho kgotsa diphologolo mathata a pholo fa ba ja semela seo. Fankase, baketheria le megare di tlhola malwetse a dimela. Tse di ka tshwaetsa dikarolo tsotlhe tsa semela - medi, dikutu, matlhare le diako. Malwetse a a farologaneng a tlhoka maemo a a farologaneng gore a tswelele.
Bolwetse bo ka tswelela fela fa maemo a tikologo a bo dumelela, sejalo sa moamogedi se le gona le jona bolwetse bo le gona. Dintlha tse tharo tse, di ka tsewa jaaka khutlotharo ya tshwaetso ya bolwetse. Fa nngwe ya tsona e tlhaela, bolwetse ga bo ne bo tswelela. Bolwetse jo bo tlhagelelang mo setlheng se se kgethegileng mo kgaolong e e rileng bo ka tlhokafala mo kgaolong eo mo setlheng se se latelang, fela ka gore maemo a tikologo ga a teng. Ka ntlha ya ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa ditlhagisokuno tsa ntshodikuno ya sonobolomo, gantsi ga go ikonomiki go laola bolwetse ka khemikale. Malwetse mangwe a teng ka gale, fela ga a tswelele ka gore lengwe la matlhakore a khutlotharo le se yo. Go dirisa dikgatothibelo go laola malwetse a. Tse ke dintlha tsa methale tse di ka akanngwang ka taolobolwetse ya thibelo.
Go tlhamilwe mefutapeo mengwe e e emelanang le malwetse. Kemelano e le gale ke fela ya bolwetse jo bo rileng, mme ga se kemelano le bolwetse ya kakaretso. Go botlhokwa go tlhaola bolwetse jo bo leng teng mme jaanong o tlhophe mofutapeo o o tshwanetseng.
Taolo ya sekhemikale e tlhoka tshelo ya melemo ya fankase le baketheria e e kwadiseditsweng bolwetse jo bo kgethegileng mo maemong a a kgethegileng, tlhotlhwatheko ya molemo e tshwanetse go akanngwa ka gale pele go ka tshelwa.
Tshugommu e ka nna botlhokwa mo taolong ya bolwetse - dirite mo tshimong di suba malwetse mangwe mme thulaganyo ya tshugommu e tshwanetse go akaretsa kakanyetso ya malwetse a a farologaneng a a atileng foo.
Maitlhomo a thefosanyodijalo ke go letla paka e e bonalang gore methiriale ya dimela e bole. Go botlhokwa go tlhomamisa gore ke malwetse afe a a amogelwang, ka dimela dife, e le go netefatsa gore bothata bo rarabololwa ke thefosanyo e e rileng eo.
Letlhajalo le lona le tlaa nna le thusumetso mo go ateng ga bolwetse bongwe - go jala go sa le gale kgotsa moragonyana go ka fokotsa bothata le tswelelopele ya bolwetse joo.
Dintlha tsa ngodiego tse di kgethegileng di ka ama malwetse a dimela. Dintlha tse di tlholang ngodiego mo dimeleng di akaretsa bongola (jo bo kwa godimo thata kgotsa kwa tlase thata), mogote, serame, kotlo e e sa lekalekaneng, botlha jwa mmu le tshenyo ya ditshenekegi. Taolobolwetse e e feleletseng e tlhoka bonnye nyeletso ya lengwe la maoto a khutlotharo ya bolwetse. Se se ka fitlhelelwa botoka go gaisa ka go dirisa thulaganyo ya taolobolwetse e e gokagantsweng.
Dintho tse di tlholwang ke Septoria gantsi di rata go nna matlhareng. Ditshwaetsego tsa Alternaria tsona di lemosega ka go tswa dintho tse dintsho mo dikutung, mekwatlana ya matlhare le ka fa morago ga tlhogo ya sonobolomo.
Ditsienyana tsa letlhare ke tsona di anamisang mogare o o tlholang bolwetse jo e bile ke bothata jo bogolo mo kgaolong ya Nagatlase, le koo go ntshiwang korong teng. Dimela di tshwaediwa fela di sa tswa go tlhoga, di a huba mme ga di kitla di ungwa ka gope.
Jo gongwe ke bongwe jwa malwetse a a botlhokwa a bogwebi a a setlhogo go gaisa mme a laolwa ka thefosanyodijalo.
Tlhaselo ya dikutu e tlhola go bakega ga dikarolo tse di bokoa tse dikgolo mo kutung fela fa godimo ga mmu mme go ka tlhola go sekama le go wa ga semela mo diphefong tse di bokete. Ditlhogo jaanong di kgoma mmu mme go ka isa kwa ditshwaetsong tsa fankase tse dingwe pele thobo e simologa.
Tshenyo e kgolo e diragala mo diakong (ditlhogong) mme tshwaetsego e e boitshegang e ka dira ntshodikuno ya sonobolomo go se nne le poelo.
Bolwetse jo bo ka tlhagelela nako nngwe le nngwe mo setlheng mme bo anamisediwa kwa dikutung ka tirego ya marothodi a metsi. Dimela tse di tshwaetsegileng di a koafala ka ditlhogo tse di sa ungwang sepe.
Bolwetse jo bo tlhodile ditshenyegelo tsa kgwebo tse di boitshegang mo dingwageng tse di sa tswang go feta mme gape bo tlhola go wa ga dimela.
<fn>PulaImvula. SunflowerProduction.2007-11.tn.txt</fn>
Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa kaeding ya Grain SA: Ntshodikuno le thekiso ya mmidi e e tsweletseng.
Insert: E tshegediwa ke: Oil and Protein Seeds Development Trust.
Disonobolomo ke dingwe tsa dijalo tsa peo ya oli tse di botlho kwa thata tse di ntshiwang mo Aforikaborwa ka dijalo tsa palogare ya pakatelele ya ditono tsa meteriki di le 650 000.
Peo ya oli e e kwa godimo ya peo ya Sonobolomo e e nang le 44% ya oli e dira palo e kgolo ya ntshodikuno. Peo ya sonobolomo ya oli e e kwa tlase ya diteng tsa oli tsa magareng ka 25% le 38% e dirisiwa mo madirelong a dimonamone le phepo ya dinonyane. Disonobolomo di ka jalwa mo dikarolong di le dintsi tsa naga koo pula e fetang 475 mm le gofitlha 675 mm ka ngwaga. Gore o nne le ntshodikuno ya sonobolomo e e tswelelang mo kgaolong efe kgotsa efe, ntshodikuno ya sejalo e tshwanetse e nne le poelo. Gajaana tlhwatlhwa ya sonobolomo e kwa godimo thata mme e solofetswe go tswelela go nna kwa godimo bonnye lobaka lwa setlha seno sotlhe.
Peo e e lekanang ya boleng jo bo kwa godimo ka phesenthe e e kwa godimo ya tlhogo, botlhololo jwa mefuta ya maidi a a itsegeng, le kgololesego ya dipeo tsa mofero le malwetse, e tshwanetse go tlhophiwa go fokotsa mathata a ntshodikuno. Peo e e tswang mo mefutapeo e e tsadiseditsweng le go tlhabololwa go ntsha thobodlthoro e e kwa godimo, e ka se ke ya diyisediwa jalo ya ditlha tse di latelang. Dipeo tse di tlaa boela kwa morago koa mefuteng ya sonobolomo ya naga ya ditlhogo tse dintsi, mme ga e siamela thobo ka motshine e bile e tlaa nna nshodikuno ya peo e e kwa tlase.
Tihagelelo ya komelelo ya selemobagare go tloga e ka nna Sedimonthole bogare go ya. Ferikgong bogare e e ka solofelwang mo kgaolong e kgolo ya ntshodikuno ya sonobolomo, e na le salie sa botlhokwa mo tlhomamisong y letlhajale. Ka gone go thunya ga sonobolomo go tsamaelana le ditihokego tsa metsi tse di kwa godimo tsa semela sa sonobolomo e bile e santse gape e le yona kgato e semela se leng masisi thata mo komelelong, nako ya jalo e tshwanetse go tlhophiwa go netefadiwa gore go thunya go se ke ga diragala fa kgonagalo y lekhuibu le le mogote e le kwa godimo. Dikgonagalo tsa go rakana le mathata di dikgolo thata fa peo ya sonobolomo e jalwa go sa le gale mo mebung eo mmutlase wa teng o omileng. Fa dipula tsa pele ga jalo di ne di le dintle, mme le mmu o kgotshe metsi, disonobolomo tse di jetsweng go sa le gale di na le sebaka se se botoka sa go dira sentle.
Ka jalo tshwetso ya go jala go sale gale kgotsa morago e tlaa ikaega ka dipolokelo tsa metsi a mo mmung ka nako ya go jala, mine gape le ka gisetori ya bogale le ipoapoeletso ya dikomelelo tsa selemobogare. Ka ntlha e nngwe, letlhajale ga le ka ke la diegisa sebaka, ka gore paka e e masisi ya go tsenya ditlhaka jaanong e tlaa diragala fa phuso le dithemphereitsha di wela tlase mme ditlamorago e nna thobo ya dithoro e e fokotsegileng go boitshega.
Ka kakaretso, matlhajalo a a siameng thata a ka bonala jaana: mo dikgaolong tsa botlhabana tse di tsiditsana, go tloga tshimologong ya Ngwanaitseele go ya bekeng ya ntlha ya Sedimonthole; mo dikgaoiong tsa bogare, go tswa bekeng ya bofelo ya Ngwanaitseele go ya bofelong jwa Sedimonthole, mo dikgaoiong tse di omileng tsa bophirima go tswa dibekeng tsa babei tsa bofelo tsa Sedimonthole go ya bogare jwa Ferikgong. Go tshwanetswe go gakologelwe gore go jala morago ga matlha a go tlaa fokotsa kgonego ya ntshodikuno ya dijalo.
Disonobolomo di ka jalwa mo botennye jwa magareng ga 2,5 cm le 5 cm, go ya fela ka mofuta wa mmu le letlhajale. Jalo e tshwanetse e nne fa godimo mo mebung e e bokete le boteng mo mebung ya motlhaba. Go botlhokwa thata gore peo e jalwe mo mmung o o nang le bongola jo bo lekaneng gore e mele. Kamano e e siameng magareng ga ga peo le bongola jwa mmu e botlhokwa thata. Dipeo di tshwanetse di jalwe ka go lekana le boteng bo tshwane. Tekatekano ya kemo e botlhokwa fela jaaka palopalo ya dimela ka gore e amana le kgaisano e dijalo tse di mabapi di e direlanang.
Palo ya dimela tse di ka tlamelwang ka kgolo ya yumte e ikaigile ka selekano sa metsi a mo mmung a a leng teng. Palopalo ya dimela ka kgaolo ya yumte e botlhokwa thata go feta bopharamola jo bo kgethegileng. Bopharamola mo temong ya maemo a a omileng e ka farologana go tswa 0,91 m ya 2,1 m kgotsa 2,3 m go ya fela la didiriso tsa semotshine tse di gona le mofuta wa thulaganyo ya tshugommu o o dirisitsweng.
Palopalo ya dimela e e kwa tlase thata e lekanyetsa kgonagalo ya thobo, fa palopalo e e kwa godimo thata e tisa koketso ya ngodiego mo sejalong e le yona e fokotsang thobo. Dimela tse di jetsweng mollelo gantsi di na le koketsego ya bothata jwa bolwetse (jaaka polokutu) mme le go wa go gontsi.
Palopalo ya dimela e e tshikinngwang (bonnye dimela di le 20 000 ka heketare mo dikgaolong tsotlhe).
Sethalomela se supa katoganyo ya dimela mo moleng (e lekalekantswe) mo kemo ya bofelo ya dimela jaaka e supiwa (Heketasa ke kgalol ya 100 m x 100 m).
Go atlanegisiwa gore polantere e setelwe go jala peo 10% go feta kemo ya dimela ya bofelo go duelela ditatlhegelo go tswa, tshenyegong sa peo, go tlhoka go mela, tshenyo ya ditshenekegi kgotsa katisegelo morago go dipula tse di bokete ka nako ya go mela. Jaio kemo ya bofelo e le kwa tlase ga dimela tse 20 000, go tshwanetse go akanngwe go jala tshimo gape fa pako ya jalo e sa ntse e wela mo melelwaneng e e amogelesegang.
<fn>PulaImvula. SupportMaize.2009-01.tn.txt</fn>
Maikaelelo e Lenaneotlhabololo la Balemirui ke go ema nokeng baitshupi ba ba gaisang ba ba tlhagogileng mo thulaganyong ya setlhophathutano.
Ditsamaiso tse di tlhoka kemonokeng ya motho mo mothong go ya ka togamaano ya ntshodikuno, tsamaiso, dikopo tsa matlole le dipego, jj. Bantshadikuno ba ba tlhaotsweng ba tlaa newa kemonokeng e e gagametseng ya ngwaga o le mongwe. Ngwaga e nngwe le e nngwe go tlaa tlhaolwa le go ema nokeng setlhopha sa bantshadikuno se sešwa mme morago ga foo ba tshwanetse go kgona go tswelela ka bo bona ka kemonokeng ya mogala go tswa kwa batlhankeding ba kgaolo. Fa montshadikuno a ntsha go feta ditono tse 250 ka ngwaga, o tlaa rolelwa mo bantshdikunong ba kgwebo mo kgaolong eo - se ke maiteko a go itlhaganedisa tlhakanyo ya bantshadikuno ba bantsho le karolo ya bogwebi.
Bantshadikuno botlhe ba ba leng karolo ya lenaneo le, botlhe ba thusiwa ka tlhamo ya dipotofolio tsa bona tse di akaretsang togamaano ya kgwebo ya setlha. Potofolio e e thusa bantshadikuno go dira dikopo tsa kadimo ya ntshodikuno kwa ditheong tse di farologaneng. Bantshadikuno ba etelwa bonnye gangwe ka beke ke mogokaganyi wa porofense yo o ba thusang ka thulaganyo le peoleitlho ya ditiro tsa bona go tswa paakanyong ya mmu go ya jalong, tlhagolong, kgatshong, thobong le thekisong.
Re sweditse gore tswelelopele go ya kgwebofatsong e tshwanetse go bewa leitlho le go amogelesega, ka jalo ra tshwara moletlo oo kwa go ona re neng ra laletsa balemirui bangwe go tsenela 250 Ton Club, 500 Ton Club le 1000 Ton Club - balemirui ba ne ba tlotliwa le go fiwa "dibetšhe" tse di supang botokololo jwa bona jwa tlelapa. Re solofela go kgona go bontsha ba madirelo gore ammaaruri go na le tswelelopele go ya kgwebofatsong.
<fn>PulaImvula. SurveyMaize.2010-02.tn.txt</fn>
Neelana ka kakanyo ya gago mme o fenye!
Tsweetswee iphe nako ya go tlatsa patlomaikutlo e e latelang.
Diforomo tsotlhe tsa patlomaikutlo tse di tladitsweng di tlaa tsenngwa mo kgogong ya lesego. Bafenyi ba ba lesego ba le 10 ba tlaa amogela hemphara ya peo - e e lekaneng go jala heketara e le nngwe ya tshimo.
O dira temothuo mo porofenseng efe le sedikeng sefe?
O dira temothuo mo lefatsheng le le kana kang?
O dira temothuo ya eng?
A o amogela Pula/Imvula kgwedi le kgwedi?
Tshedimosetso e e mo go Pula/Imvula e maleba go le kae mo go wena?
O ka lekanyetsa Pula/Imvula jang?
Ke ditlhogo dife tse o eletsang go di bona di tšhotlhwa mo dikgatisong tsa isagwe?
Go ka dirwang go tokafatsa Pula/Imvula?
<fn>PulaImvula. Sustainable.2009-12.tn.txt</fn>
Temothuo e e itshegeleditseng: go reng e tsaya lobaka jaana?
Re tlhoafetse go tlhabolola bantshakuno ba bagwebi ba bantsho ba ba nang le bokgoni ba ba tlaa kgonang go dira temothuo ka boikemedi le boitshegetso. Mo maemong a seikonomi a gajaana, se se bokete go lekane - le mororo o ineetse e bile maikaelelo a gago a siame. Fa temothuo mo Aforikaborwa e tshwanela go atlega le go itshegeletsa, re tshwanela go nna le ntšhwafatso ya boammaaruri mo madirelong gore re kgone go bua re le ntswe lengwe.
Ga gona sepe se se bonolo ka temothuo, mme bantshakuno ba tsamaisa mefama e mentsi, mme ba lebane le mathata a magolo.
Ditlhotlhwa tse di kwa tlase tsa dithoro di tsenya kgatelelo e kgolo thata mo go nneng le poelo ga ntshokuno ya dijalo.
Dikelomorokotso di kwa godimo le ditshenyegelo tsa metšhine di kwa godimo thata.
Bantshakuno ba bagwebi ba ba nang le maitemogelo le bona ba a kgaratlha - jaanong bantshadikuno ba ba tlhabologang bona Bona ba kgaratlha le go feta?
Puso e ka thusa jang?
Ka se sebaka go nna le poelo ga ntshokunothoro, go mo go reng bantshakuno ba ba tlhabologang ga ba kgone go ntsha dithoro dipe ka itshegetso. Re dumela gore se ga se seemo sa leruri, le gore ditlhotlhwa tsa dikuno di tlaa tlhatloga. Mo pakakhutshwaneng, le gale, re tlhoka go naya bantshakunothoro kemonokeng ya matlole ka sebopego sa kabelo (grant) - e ka nna go thusa mo ditshenyegelong tsa ditsenngwateng, kgotsa ka bonase mo ditonong tse di ntshitsweng. Bomosola jwa thulaganyo ya bonase mo ditonong tse di ntshitsweng e tlaa nna gore o atswa bao ba ba dirang sentle - se e tlaa nna tsela ya go thusa bao ba ba nang le kgono le boineelo go nna bantshadikuno ba bagwebi ba ba tletseng.
Bothata jo bongwe jo bogolo jwa bantshakuno ba ba tlhabologang ke maemo a diterekere le didiriso - re tlhoka mohuta mongwe wa kemonokeng ya matlole gore bantshakuno ba thusiwe go thula didiriso tsa bona. Go na le mafapha a mmuso a le mmalwa a a abelang ditlhopha tsa bantshakuno diterekere le didiriso. Se e ka nna tharabololo ya pakakhutshwane, le gale go tlhokega katiso le pebofatso e kgolo gore bantshakuno ba ithute go tsamaisa didiriso tse. Fa sengwe e le sa setlhopha le go dirisiwa ke setlhopha, ga go ope yo o rwalang maikarabelo, e bile ga go ope yo o ikarabelang foo - go na le dikgetse di le dintsi moo didiriso di abetsweng ditlhopha, mme didiriso di ne di itlhokomolositswe mo e bileng di phutlhame. Se ga se mokgwatiriso o o itshegeleditseng.
Balemisi ba tlhoka go katisiwa sešwa, ba newe bokgoni sešwa le go rotloediwa - go na le palo e ntsi thata ya balemisi ba mme ba tshwanetse ba bo ba thusa bantshakuno kwa masimong.
Nngwe ya dikgwetlhokgolo tse di šebileng bantshakuno ba ba tlhabologang ke go fitlhelela molato wa ntshokuno. Bontsi bo na le lefatshe, ba na le metšhine (dingwe tsa tsona ga di mo maemong a a siameng), ba a katisiwa le go engwa nokeng, fela ba tlhoka madi. Ditshenyegelo gotlhe tsa go ntsha dijalo di kwa godimo thata - magareng ga R4 000 le R5 000 ka heketara (go ya fela ka gore ke sejalo sefe, kae). Kwa tshimologong, re ne re itumetse go feta mabapi le go amega ga dikgwebo tsa temothuo mo go tlameleng bantshakuno ba ba tlhabologang ka matlole a ntshodikuno, fela re tshwanela go gatelela gore go sa ntse go na le dikgwebo tsa temothuo dingwe tse di emeng bantshakuno nokeng go nna ba bagwebi.
Go thusa montshakuno go ntšhwafatsa le go tlamela diterekere le didiriso tsa polase tsa gagwe.
Nngwe ya ditsela tse di bonolo tsa go dirisa lefatshe mo ntshokunong ke go dirisa ditirelo tsa borakonteraka ba temothuo ba bagolo. Se se lekeleditswe gangwe le gape, mme seipato ke gore rakonteraka o tlaa dirisiwa fela mo dikgatong tsa tshimologo, mme montshakuno o tlaa itirela tiro kwa morago.
Montshakuno ga a dire poelo e e lekaneng go nna mo maemong a go ithekela diterekere le didiriso tsa gagwe.
Ditshenyegelo tse di oketsegileng tsa ntshokuno.
Madi a a senngwang mo tirong ya konteraka a ka bo bogolo a sentswe mo go tlameleng le go ntšhwafatsa diterekere le didiriso tsa montshakuno.
Bantshakuno ga ba nne le seabe mo tiregong ya temo le gona ga ba matlafadiwe go ka itemela ka bobona.
Mo tikologong e e kgwatata ya rona, gantsi go nna le nakonyana e khutshwane fela e siametseng thata ditiro tsa tshugommu tse di farologaneng. Fa rakonteraka a dirisediwa kgaolo e tona, gantsi pakanyana eo e a fosega, se se ka dirang gore montshakuno a latlhegelwe ke dijalo tsa gagwe (go jala kgotsa go pieta thari).
Rakonteraka o duelwa ka heketara mme ga a duelwe go ya ka boleng jwa tiro e e dirilweng - gore montshakuno o dira poelo kgotsa nnyaya, rakonteraka ena o bona madi a gagwe. Taoloboleng e tlhaela mo go tshosang - gape le ka ntlha ya bogolo jwa diporojeke.
Go na le bantshakuno ba bantsho ba ba nonofileng le ba ba kgonang. Ba ba tshwanetse go kgona go hira lefatshe mo go ba ba se nang kgatlhego kgotsa ba sa nonofa go le dirisa ka bobona. Ka e nako, bogolo jwa lefatshe le le teng bo dirisiwa ke dikgwebo tsa temothuo, ka jalo ga le kgone go ka fitlhelelwa ke bantshakuno ba bantsho ba bangwe. Bantshakuno ba ba nonofileng ba tshwanetse go kgona go dirisa lefatshe le, ka jalo ba atolose ditiro tsa temothuo tsa bona.
Mo lebakeng la montshakuno yo o se nang didiriso gotlhelele, go ngangisanwa gore go ba direla temothuo, ba ka ikokoanyetsa matlole go ka simolola temothuo ka bobona. Ga go na bosupi go tlatsa ngangisano e - dipoelo mo ntshokunothorong di dinnye thata mme go dirisa konteraka go fokotsa poelo le go feta.
Re dumela gore go ka dira eng?
Bannaleseabe botlhe ba tshwanetse go dira ka seriti le go tlhoafalela go tlhabolola bantshakuno - temothuo bogolosegolo ke ka montshakuno go na le ka lefatshe. Bantshakuno ba batla go itirela temothuo, e seng go e direla.
Letlelela montshakuno go simolola ka se o nang naso - go simolola ka bonnye mo lefatsheng le lennye go babalesegile. (Gakologelwa gore yo o batlang go dirisa lefatshe la gagwe o falotse go fitlha gajaana ka lotsenonyana lo a nang nalo. Fa o ka kgona go dira poelo e nnye ka heketara mo lefatsheng le o nang nalo, ke madi a tlaleletso a o neng o ka se ka wa nna le ona. Ka go simolola ka bonnye le go lekanyetsa mathata, go dira se se siameng ka tshwanelo, montshakuno o ka gola mo bokgoning le go itshepa).
O se ke wa pateletsa montshakuno go dirisa rakonteraka, mme bogolo thusa montshakuno go tlamela didiriso tsa gagwe, le go lema se a ka se kgonang ka boena - go ka nna botoka mo montshakunong go hirisa lefatshe le a sa kgoneng go le dirisa, fa a ntse a golela mo kgwebong.
Go nna le motataisi go botswerere thata - fela motho yoo ga se mongwe le mongwe fela! Motataisi ke mongwe yo o nang le kgatlhego ka boammaaruri mo tlhabololong ya motataisiwa - yo o tlaa tsayang nako go fetisa kitso le bokgoni, yo o tlaa nnang pelotelele le go mo ema nokeng. Kgolagano ya motataisi le motataisiwa e tshwanetse go ela - e thaetswe mo tshepanong le tlotlanong, e bile go botlhokwa thata gore matlhakore ka bobedi a bo a itumelela go nna mo kgolaganong e, ka gore ke sona se e leng sona kgolagano.
Sedimosetsa le go akaretsa bantshakuno, mme o se ke wa tsaya ditshwetso tse di ba amang kwa ntle ga bona. "Go se nne le sepe sa rona, kwa ntle ga rona" ke moono wa mongwe wa mekgatlho ya batho ba ba nang le bogole, mme ruri o maleba tota!
Thusa bantshakuno go dira tshekatsheko e e feletseng mo lefatsheng la bona, diterekere, didiriso, metšhine, loruo, melato, dithoto, jalo le jalo. Re tlhoka go thusa bantshakuno ka botlalo ba feletse mme le bone ba tlhoka go tlhaloganya gore ke ka ga eng. Sekao, montshakuno o na le maatla a kW tse kae, mme ke lefatshe le le kana kang le a ka le kgonang ka bogolo joo?
Netefatsa gore montshakuno o nna karolo ya lenaneo la katiso le tlhabololo. Go nna montshakuno wa mogwebi yo o nonotshitsweng yo o tletseng ke tirego ya pakatelele mme ditheo tse dintsi tse di farologaneng di ka tshwaela mo tiregong e.
Sekaseka boleng jwa katiso e e tlamelwang. Batlamela ka katiso bangwe ga ba dire tiro e e duleng mabogo ka gore le bona ba tlhaela maitemogelo mo temothuong o ka se ke wa ithuta ka temothuo fela ka go buisa mo bukeng!
Tshola porojeke e le nnye le go laolega. Bantshakuno ba ba tlhabologang ba tlhoka nako le kemonokeng, mme fa porojeke e gola go feta, dilo di a senyega mme kwa bofelong porojeke e a retela. Ga go go tlotlomatse gore o ema bantshakuno ba le 15 - 20, fela se se a laolega. Dikema tse dintsi tsa bantshakuno ba ba fetang 50 (go tswa tshimologong) di retetse ka gore tota ga go na badiredi ba ba lekaneng go tsamaya mo go bona. Fela fa porojeke e setse e simolotse, palo e ka okediwa ngwaga le ngwaga.
<fn>PulaImvula. TopsoilMaize.2009-02.tn.txt</fn>
Exploding quote: "Mmu ke boswa jwa lotso lwa motho le thoto ya botlhokwa go gaisa e setšhaba se nang nayo. Ke motswedi wa dijo tsotlhe le motheo wa ditshugommu tsotlhe. O bopilwe ka bonya jo bo masisi mo dingwageng tse dintsi, o bonako go senyega, mme fa o setse o senyegile, boammaaruri ke gore ga go bonolo go o busetsa maemong. Ka jalo go re pateletsa go sireletsa ditlamelwana tsa mmu tsa rona ka kelotlhoko e e boitshegang le go di dirisa ka botlhale, ka gore setšhaba se se fodileng se ka agiwa fela go tswa mo dikunong tsa mmu tse di fodileng."
Mmu o bopegile ka bonya jo bo masisi mo dingwageng tse dintsi, o bonako go senyega, mme fa o setse o senyegile, boammaaruri ke gore ga go bonolo go o busetsa mo maemong.
Mo tlhagong ga go sepe se se sa fetogeng gotlhelele. Ditirego tsa tlhago, go akaretsa le kgogolego ya mmu, di tlhagisitse tlhamego ya mmu go tswa mo matlapeng a tlholego. Pharologano ya motheo e tshwanetse go dirwa magareng ga kelo ya phetogo e e tlhagisiwang ke tsereganyo ya motho. Se se tsayang tlhago makgolokgolo, kgotsa tsona diketekete tsa dingwaga go se dira, motho o ka se phatlalatsa mo bosigong bo le bongwe ka ntlha ya tiriso e e botlhaswa ya lefatshe le mekgwatiriso ya temothuo e e botlhaswa.
Taolo ya kgogolego e tlholela mongmmu wa poraefete mesola, mmogo le setšhaba - mo go mongmmu, ka mosola wa tshomarelo ya mmu le bongola, fa mo setšhabeng e le ka phokotsego maatla a merwalela, melapo e e phepa le tlamelo e e kwa tlase ya meselemetsi, maborogo, jalo le jalo.
Tatlhegelo ya mmu le monono.
Tatlhegelo ya metsi ka go taboga fela.
Masimo a a senyegileng le mmu o o swagafetseng.
Merwalela le maruba.
Boleng jwa lefatshe jo bo fokotsegileng.
Lotseno lwa polase lo lo fokotsegileng.
Lefatshe le le latlhagantsweng.
Kganano ya dijalo.
Tlamelo ka metsi e e tlhaelang.
Dithata tsa kgogolego tse tharo tse di matlhagatlhaga ke metsi, phefo le segagane. Mono Aforikaborwa, re na thata le tlhobaelo ka kgogolego ka metsi le bonnye kgogolego ka phefo. Kgogolego ka metsi e itshetlela ka ditsela di le pedi - kgogolego ya bogodimo le kepego ya mesele.
Ka tlholego go dira boalopeo jo bo siameng, lekalekanang le boruma, mmu o a bo o letefaditswe go nna mo maemong a a lolea le tshilego, (go dirisiwa tshugo e nnye jaaka tharabololo ya segompieno mo bothateng jwa tatlhegelo ya mmugodimo). Setlhajalo gantsi ke setlha sa dipula tsa matsorotsoro. Fa pula e e maatla e nela mo mmung mo maemong a, tlwaelo ya ntlha ke go katela mmu, fela fa go diragala jalo bontsi jwa dithoro tsa mmu di thubiwa go nna lolea, le go gololwa go elela le metsi. Fela fa pula e sena go simolola go na, metsi a a feteletseng a ya go simolola go elela le mesele, a rwele mmu le humase mo go ona. Se se ka tswelela mo dingwageng tse dintsi kwa ntle ga montshadikuno go lemoga tshenyo e e setseng e dirilwe mme go na le tatlhegelo ya ditonotono tsa mmu ka heketara.
Mo makgating a le mantsi, masimo ga a lekalekane sentle, mme le mmu ga se wa phopholego e e tshwanang tota. Metsi a nna le tlwaelo ya go ikgobokanya go nna meedinyana ka bonako fela fa a fologa mo dithotaneng mme meedinyana e e fetoga go nna dikalana. Fa mokgokolosa o le boleele jo bo bonalang, meedi ya dikalana ka boyona e kopana go nna melatswana ya makgabana, paterone yotlhe e tshwana le dikalana, dikala le kutu ya setlhare - se se itsege jaaka kepego ya menwana.
Fela fa metsi a simolola go elela ka mosele o o tlhomameng, maatla a kgogolego a mothamo o o rileng mo mokgokoloseng o o rileng, a oketsega thata. Fa jaanong kepego ya menwana e fitlheletse kgato eo mesele ya metsi e ka se tlholeng e baakanngwa botlhofo, ke gona go tlaa bong go fitlheletswe kemo ya kgogolego ya kepo. Tlhamego e e bonako e ya melatswana e ka fatolaka kgaolo ya naga le go dira gore e se tlhole e siamela tshugommu gotlhelele.
Dikokomana tsa isagwe di ikantse rona go bolokela ntshodikuno ya isagwe mmu. Ka tsamaiso e e kelotlhoko, kgogolego ya mmu e ka thibelwa mme re ka netefatsa tiriso ya lefatshe e e tswelelang.
<fn>PulaImvula. Track.2010-01.tn.txt</fn>
Maikaelelo a Lenaneotlhabololo la Balemirui ke go tlhoma le go tsamaisa ditsha tsa tekeletso koo bantshakuno ba ka lemosiwang ka mesola ya paakanyo ya mmu e e nepagetseng, nontsho, tlhopho ya mofutapeo, taolo ya mofero le disenyi le thobo.
Re kgonne go tlhoma ditsha tsa ditshupetsotekeletso di le 46 mo kgaolong yotlhe e e direlwang ke lenaneo. Maitlhomo a ditekeletso ke go supetsa mekgwatiriso e e gaisang - monontsha/go se nang monontsha; kelo ya jalopeo e e nepagatseng/e ntsi thata kgotsa e nnye thata; taolomofero e e siameng/go se nang taolomofero. Se bogolosegolo mo bantshakunong ba ba kgonosetseng mo kgaolong eo le/kgotsa ba sa rutega sentle, ditekeletso di bontsha bantshakuno mesola ya go dira se se siameng ka nako e e siameng, mo maemong a a tshwanang le a a ba amang.
Malatsi a balemirui a tlhagisetsa bannaleseabe botlhe tšhono e e boitshegang mo karolong e go bontsha le go bua le bantshakuno. Malatsi a a akaretsa batlhankedi ba rona, gammogo le baemedi go tswa ditlamong tse di tlamelang ka ditsenngwateng, dikgwebo tsa temothuo, diinšorense tsa dijalo, batlamelakamatlole, j.j. Mo pakeng e ya matlole, re tshwere malatsi a balemirui a le 65 - a tsenetsweng ka bantshakuno ba le magareng ga 8 le 250!
<fn>PulaImvula. TractorsMaize.2009-03.tn.txt</fn>
Setlha sa ntshodikuno ya selemo se batla se wetse mo dikgaolong tse dintsi mme diterekere tsa gago di berekile thata go netefatsa gore o bona thobo. Ke nako jaanong ya gore le wena o di tsee tsia e le go tlhomamisa gore di tlaa bo di le mo maemong a go go thusa gape mo setlheng se se tlang.
Netefatsa gore ga go na mo go dutlang teng mo dipeiping tsa metsi tsotlhe kgotsa gaufi le pompo ya metsi.
Tlhola maemo a dipeipi tsa metsi go netefatsa gore ga di botabutabu ka ntlha ya kgotlelo ya oli.
Tlhola sekhurumelo sa radiethara le go netefatsa gore sili e sa ntse e le mo maemong a a siameng. Ga go sena mo go dutlang teng mo thulaganyong e, mme semeto sa metsi se le kwa tlase, go ka tswa go raya gore go batliwe sekhurumelo se sengwe.
Go botlhokwa gore o tsholole metsi a a mo thulaganyong ya tsidifatso ngwaga le ngwaga, le go tshela sethibelakgatselo se sentšhwa mo thulaganyong.
Netefatsa gore o rekela terekere ya gago sethibelakgatselo se se nepagetseng, mme o se ke wa tlhakanya dithibelakgatselo tsa mebala e e farologaneng, gonne di farologane.
Netefatsa gore maemo a difenebelete a siame - ga di na maphanyego. Tlhola kgagamalo ya yona. Fa go na le dibanta tse pedi, mme e nngwe e tshwanela go ntshiwa ka ntlha ya lebaka lefe fela, o tshwanetse o di ntshe tsotlhe, o tsenye tse dintšhwa gore nngwe le nngwe ya tsona e rwale kgagamalo e e tshwanang le ya e nngwe.
Tlhola mo go dutlang go tswa mo tankeng ya disele go tsamaya le thulaganyo yotlhe go fitlha kwa diinjekethareng.
Netefatsa gore tanka e phepa mme o tlhole le filetara e e mo tankeng.
Emisetsa difiletara tsa disele tse ditona le tse dinnye.
Phepafatsa terepe ya metsi. Go botlhokwa go tshola tanka ya gago ya disele e tletse gonne fa go na le mowa mo tankeng, bongola jo bo mo moweng bo a phokafala le go fetoga metsi. Metsi a a ka senya pompo ya gago ya diinjeketara.
Netefatsa ka dikgala tsa tlamelo ya terekere ya gago - e ka tswa e le nako ya go tshela oli e ntšhwa ya enjene le go emisetsa difiletara.
Fa e le gore ke nako ya go fetola oli ya diferenšiale le ya kerebokoso, gona gakologelwa le go fetola difiletara tsa teng le tsona (ela tlhoko gore thulaganyo ya haeteroleki e dirisa oli e e tshwanang, mme o tlhole mo go dutlang le mo go yona thulaganyo e).
Fa o simolola go dirisa terekere gape netefatsa gore ga go na mo dioli di dutlang teng mo filetareng kgotsa polakeng ya sampo.
Ela tlhoko dioli tse di dutlang le disili tse di dutlang - a go tsenngwe tse dingwe.
Logetsa dintlha tsotlhe tsa tlamelo (mo leotwanakgweetsong gammogo le dinepole tsa kirisi tse dingwe).
Tlhola diphepafatsamowa mme o netefatse gore di ntse sentle e bile di phepa - fa di se mo maemong a a siameng tsenya tse dingwe.
Tlhola dipeipi tse di gokaganyang sephepafatsamowa mme o netefatse gore ditlelempe tsotlhe di bofilwe thata.
Beterii - beterii yotlhe e tshwanetse go nna phepa. Netefatsa gore selekanyo sa metsi se nepagetse, mme fa go se jalo, tshela metsi a a tlhwekisitsweng (a bonwa mo mabentleleng a dibeterii). Golola dithapo tsa dibeterii mme o di phepafatse gammogo le ditheminale tsa beterii. Busetsa dithapo mme o tshase kirirsinyana mo ditheminaleng go thibela go jega. Netefatsa gore go na le kgokagano e e feletseng magareng ga thapo ya neketifi mo enjeneng le thapo ya phosetifi mo setatareng.
Netefatsa gore megala ya motlakase yotlhe ga e na dikirisi le dioli le go tsenngwa mo selefing (se ke go sireletsa dithapo mo mogoteng, kgotlhegong le dieding).
Netefatsa gore diponetsiboso le dikeije tsotlhe di a bereka - fa o dumisa terekere di tshwanetse go tshuba tsotlhe. (Dipone tsa oli le oletheneitha di a tshuba fa ikenešene e tshubilwe, mme ka bonako fela fa e duma di tlaa tima - dingwe tsa dipone tse dingwe di tlaa tshuba fela fa go na le bothata).
Tlhola difiuse gangwe le gape.
Dithaere di tshwanetse go nna mo maemong a a siameng - go se nne le maphanyego, masego kgotsa dipudulogo.
Tlhola kgatelelomowa le go netefatsa gore tshetledi ya thaere ya morago e e tshwanetseng go nna le metsi e nepagatse.
Sekaseka makwapa mo maotwaneng a a gogang - fa dithaere di le borethe, maotwana a tlaa relela mme se se dire tiro ya gago bokete.
Sekaseka dipaterone tsa makwapa a maotwana a a gogang sentle mme o netefatse gore di lebile ntlheng e e nepagetseng.
Mekheniseme wa kgweetso wa terekere o pepentsheditswe maemo a a seng mantle a tiriso le konalo. Go botlhokwa go netefatsa gore dibuše, dibering, dithaeroteente tsotlhe le bokoso ya kgweetso di mo maemong a a siameng. Dikarolo tse di onetseng di dira gore terekere e thetheekele mo tseleng - se se kotsi mo go maswe ka gore mokgweetsi ga se ene a laolang terekere, mme se tlhola le konalo ya dithaere e e sa tlhokegeng.
Go na le dipolata tsa tshireletso di le palonyana mo terekereng (gantsi di pentilwe ka pente ya terekere). Maitlhomo a dipolata tse ke go sireletsa modirisi gammogo le dikarolo tse di tsamayang. Nako nngwe dipolata tse ga di a gagamadiwa kgotsa ga di yo gotlhelele. Go botlhokwa thata go tshola dipolata tse di golegeletswe thata mo terekereng mme meburunyana e mennye e tlhoka go tlholwa gangwe le gape.
Go tshwanetse go tlhokomelwe thata bara ya kgogo go netefatsa gore e bofeletswe sentle. Dirisa diphini tsa bokima jo bo nepagetseng fa o goga didiriso le ditereilara (koloi) ka gore boima jotlhe jwa sediriso se se gogwang bo rwelwe ke phininyana eo le diboutu tse di bofeletseng bara ya kgogo mo terekereng. Dikotsi tse dintsi di tlholwa ke tlhokomologo ya bara ya kgogo.
<fn>PulaImvula. Training.2008-07.tn.txt</fn>
<fn>PulaImvula. Training.2009-12.tn.txt</fn>
Grain SA e neela katiso efe?
Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA le na le maitlhomo a go tlhabolola bantshakuno ba bagwebi ba bantsho ba ba nang le bokgoni. Ntshokuno ya bogwebi ya mmidi, sonobolomo, korong le mabele, e tsenyeletsa mekgwatiriso ya ntshokuno, thekiso, tirisometšhine le tsamaiso ya motheo.
Mabaka a a tsamaelanang le lefatshe le thuolefatshe.
Dikhoso tsa ntlha tse re di tlhabolotseng mo lenaneong la rona e nnile: "Tlhagiso mo Ntshokunong ya Mmidi" "Tlhagiso mo Ntshokunong ya Sonobolomo", "Tlhagiso mo Ntshokunong ya Mabele", le "Tlhagiso mo Ntshokunong ya Korong", tse di neng di tsenyeletsa dintlha tsa ntshokuno tsa motheo.
Jaaka montshakuno yo o tlhabologang, re tsikinya gore o simolole ka nngwe ya dikhoso tse, go ya ka dijalo tse di jalwang mo kgaolong ya gaeno. Fa o sa simolole ka khoso e, o tlaa iphitlhela o kgaratlhela go samagana le diteng tsa dikhoso tse di latelang mme o tlaa diegisa tswelelopele ya baithuti ba bangwe mo setlhopheng.
Selekano sa tshedimosetso e e leng gona ka go dira temothuo ya bogwebi e aname thata, mme mo tlhamong ya khoso nngwe le nngwe, re ntse le mathata a go itse gore re tlogele eng mo khosong, gonne ruri go gontsi thata mo serutweng sengwe le sengwe go ka akarediwa dingwe tse re bonang gore di tshwanetse go akarediwa mo kgatong nngwe le nngwe.
Inšorense ya dijalo le tsamaisotaolo ya mathata.
Khoso e e Tsweleletseng ya Ntshokuno ya Mmidi ke ka setegeniki se se kwa godimo thata ka monono wa mmu le botlha jwa mmu. Fa o tshwanelwa ke go tswelwa mosola ke khoso e, o tshwanetse wa bo o tsenetse khoso ya tlhagiso e bile o setse o ntshetsa mmaraka dithoro. Boammaaruri ke gore tota khoso e ga se ya montshakuno yo mmotlana kgotsa wa mojelaganong.
Go na le balemisi ba le bantsintsi ba ba direlang Mafapha a Temothuo a a farologaneng mme ba tshwanetse ba bo ba rebolela bantshakuno tirelo ya bolemisi. Bomadimabe bontsi jwa batho ba ga bo a katisiwa le go nna le maitemogelo mo mofameng wa ntshokunothoro. Bangwe ba na le thutego ya dikwalo e e lekaneng, fela ba tlhaela maitemogelo a tiragatso, a a leng botlhokwatlhokwa mo temothuong. Re tlhamile khoso : "Khoso ya Balemisi ya Tlhagiso mo Ntshodikunong ya Mmidi". Re setse re neetse balemisi dikhoso tseno di le dintsi thata, mme re gatelela thata ntlha ya tiragatso ya ntshokunothoro - re dumela gore se se tshwaetse thata mo neelong ya ditirelo ya balemisi bano.
Nngwe ya dintlha tsa botlhokwa thata ya ntshokuno ya mmidi ya bogwebi e ama diterekere le didiriso. Re lemogile gore maemo a bontsi jwa didiriso tse di dirisiwang ke bantshakuno ba ba tlhabologang ke a kemo e e maswe ya bokgoropa - ke ka moo go nang le khoso ya "Tlamelo ya Terekere le Didiriso tsa Polase".
Didiriso tsa polase.
Khoso e, e tshwanetse go dirwa ke mongwe le mongwe yo o akanyang go nna montshakuno wa mogwebi - o tlhoka go tlhaloganya sediriso sa gago gore o tle o kgone go se tlhokomela sentle. Tirisometšhine e e siameng ke nngwe ya dilotlele tsa go ya ntshokunong ya bogwebi. Ga o kitla o kgona go nna montshakunothoro wa mogwebi yo o itshegeleditseng fa o sa tshole diterekere le didiriso tsa gago sentle.
Re lemogile gore go na le bantshakunopotlana, bogolosegolo kwa Kapabotlhaba, ba ba se nang diterekere le didiriso tse e leng tsa bona (Massive Food Scheme la Lefapha la Temothuo kwa Kapabotlhaba, le ne le dirisa borakonteraka thatathata bao gantsi ba neng ba sa dire tiro e e duleng mabogo). Re ne ra lemoga gore go tlaa nna mo dikgatlhegong tsa bantshakuno ba mmidi go nna le khoso eo mo go yona re tlaa oketsang go tlhaloganngwa ga borakonteraka ka "bo-goreng le bo-kae", ba ditiro tse di farologaneng.
Tlamelo ya terekere.
Borakonteraka gantsi ga ba dire tiro ya seemo se se eletsegang.
Go na le mabaka le gale foo masimo a montshakuno a leng mannye gore o ka nna le terekere e e leng ya gagwe, ka jalo tiriso ya rakonteraka e tlhokegang. Re solofela gore ka go neela borakonteraka ba temothuo Khoso ya Borakonteraka, ba tlaa tlhaloganya botlhokwa jwa go dira ditiro tsa tshugommu tse di nepagetseng, ka diemo tse di tshwanetseng, ka nako e e tshwanetseng le ka tlhotlhwa e e utlwalang mo montshakunong. Fa montshakuno a sa rebole tirelo ya matlole, rakonteraka le ena o tlaa bo kgwebo ya gagwe e se na isagwe.
Pele ga 1994, bontsi jwa bantshakuno ba bantsho bo ne bo lema mo dinagamagaeng tsa maloba. Morago ga 1994, bantshakuno ba bantšhwa ba le bantsi ba ne ba bona go fitlhelela lefatshe la temothuo. Ka bomadimabe bantshakuno ba bantsi ga ba lemoge matswakabele a go dira temothuo le gore ga se mafatshe otlhe a a siametseng mefuta yotlhe ya temo. Re itemogetse gore bantshakuno ba batla go jala mmidi mo dikarolong tsotlhe tsa Aforikaborwa, koo tota mehuta ya mmu le dipaterone tsa go na ga pula di sa tshwaneleng ntshokuno ya poelo. "Khoso ya Thulaganyo ya Polase le Tshekatsheko ya Metswedithuso", e diretswe go thusa bantshakuno go sekaseka metswedithuso e ba nang nayo mme ba rulaganye gore ba ka e dirisa botoka jang gore ba kgone go dira temothuo ka poelo le itshegeletso. Morago ga go dira dingwaga le bantshakuno bangwe ka ditlhophathutano, re ne ra simolola ka "Lenaneo la Balemirui ba ba Tsweleletseng" le le kgontshang bagokaganyi ba diporofense go tsepamisa mogopolo mo palong ya bantshakuno bangwe ka go dira le mongwe le mongwe ka sebele. Fa le gona re lemogile gore bantshakuno ba ne ba sa dirise metswedithuso e ba nang le yona ka botlalo, mme ba tlhoka kemonokeng go ba thusa go tsepamisa mogopolo mo dintlheng tse dikgolo tse di atlegisang temothuo.
Dikgaolo tsa tiragatso tse dikgolo.
Mafapha a Temothuo a Diporofense a na le palo e ntsi ya balemisi ba ba nang le kitso ya dibuka ya temothuo, mme ba batla gotlhelele ba se na kitso kgotsa bokgoni jwa tiriso. Mo leetong lwa tirego ya go katisa bantshakuno, re dirisane thata le Lefapha la Temothuo, mme re ba neile dikhoso tse dintsi. Go ya ka rona, fa re ka matlafatsa balemisi ka kitso e e tlhokegang re tlaa kgona go thusa bantshakuno ba bantsi thata, le go isa bontsi jwa bona kwa bontshakunong jwa kgwebo. Ga re tlhakanye bantshakuno le balemisi mo khosong mmogo, ka gore balemisi ba tshaba go botsa dipotso tse di ka ba upololang fa pele ga bantshakuno. Le mororo dikhoso tsa rona tsotlhe di tsenyeletsa ditshupetso tsa tiragatso mo dithapameng, re lemogile gore balemisi ga ba ise ba kgone go dira dikhaliboreišene fa ba tlogetswe go dira ba le bosi.
Khaliboreišene ya sekgatshi sa "boom" le tlamelo.
Bontsi jwa bantshakuno ba ba tsenetseng Khoso ya Terekere le Didiriso tsa Polase ba ne ba kopa khoso e e tlhatlhamang e, e e tla ba kgontshang go tlhaloganya dintsanantsana tsa paakanyo ya enjene. Bantshakuno ba bantsi ba jelwe ntsoma ka ntlha ya go tlhoka kitso mabapi le dipaakanyo tsa enjene le metseletsele ya maatla. "Khoso ya Motheo ya Paakanyo ya Enjene" le metseletsele ya maatla.
Go tshwanetse go gatelelwe fano fa gore Khoso ya Motheo ya Paakanyo ya Enjene, ga e leke go katisa bomakhenike. Khoso e, sa yona ke go lemotsha moithuti ka dikarolo tsa enjene le gore di lomagana jang. Go baakanya enjene ke tiro ya botegeniki jo bo kwa godimo e bile ke fela batho ba ba rutegileng ba ka lekang go dira se. Dipaakanyo tsa enjene le kerebokoso di tura mo go maswe, mme go bonolo go senya madi fa o se na kgono e e tletseng.
Jaaka go ntse ka lenaneo lengwe le lengwe, fa batho ba lemoga ka tiro e e dirwang, ditlhokego tse dingwe di a tlhagelela. Go na le bantshakuno ba le bantsi mo kgaolong ya Taung/Hartswater ba ba nang le masimo a nosetso, gammogo le dikgaolo dingwe tsa Bokonebophirima le Foreisetata. Le mororo ditheo tsa ntshokuno ya mmidi di sa ntse di tshwana, go sa kgathalasege gore a go jetswe ka nosetso kgotsa kwa go sa nosiweng, go na le dintlha tsa tlaleletso di le mmalwa tse di tshwanelang go tsewa tsia. Re tlhamile dikhoso tsa tlaleletso di le pedi, "Ntshokuno ya Mmidi ka Nosetso le Ntshokuno ya Garase ka Nosetso".
Semela sa mmidi/garase ka nosetso.
Fa montshakuno a tlhabologela kwa go nneng mogwebi, botlhokwa jwa tsamaiso e e siameng ka tsepamiso mogopolo mo dipoelong e nna botlhokwa le go feta.
Dintlha tsa kakaretso tsa tsamaiso.
Fa o leba gape mathata a magolo a a lebaneng bantshakuno ba ba tlhabologang, re lekile go rarabolola mathata a ka dikhoso tse re di tlhamileng.
Go tlhoka poelo ga ntshokunothoro e e seng ya nosetso mo Aforikaborwa.
Thulaganyo ya Polase le Tshekatsheko ya Metswedithuso.
Tlhaelo ya kitso, bokgoni le maitemogelo.
Ntshokuno ya Garase ka Nosetso.
Tlhaelo ya matlole a ntshodikuno.
Thulaganyo ya Polase le Tshekatsheko ya Metswedithuso.
Tlhaelo ya tirisometšhine e e lekaneng.
Paakanyo ya Motheo ya Enjene.
Mabaka a a amanang le lefatshe le thuolefatshe.
Tsamaiso ya Polase ka Poelo.
<fn>PulaImvula. Training.2010-01.tn.txt</fn>
Katiso - go neetswe dikhoso dife?
Monongwaga go neetswe dikhoso di le 190 go baithuti gotlhe ba le 3 770.
<fn>PulaImvula. TrainingMaize.2009-02.tn.txt</fn>
<fn>PulaImvula. TyresMaize.2008-12.tn.txt</fn>
Go itse gore o ka bona se se gaisang jang mo tirisong ya dithaere tsa gago tsa mo polaseng ga go ne go tshwaela fela mo tokafatsong ya tshireletsego fela gape go tlaa fokotsa ditshenyegelo tsa tiragatso le go lekanyetsa tshenyo mo mmung le dijalong.
Kgweetso ya mo polaseng e tlaa ka motseletsele o o feletseng wa maemo a tiragatso - sengwe le sengwe go tswa mo go lemeng masimo go ya kwa go gogeng tereilara mo ditseleng tsa sekontere. Fela jaaka maemo a farologane, go na le melawana ya botlhokwa mengwe e e tshwanetseng go latelwa.
Malebana le dithaere, dingwe tsa dintlha tsa botlhokwa ke go nyalanya mofuta wa thaere le tiriso e e ikaeletsweng (seretse, motlhaba, j.j), go tlhomama mo dikaelong tsa modiri wa serori mo bogolong jwa dithaere le kgethelo le, se se botlhokwa go gaisa, go nyalanya tlatsomowa ya thaere go ya ka boima jwa morwalo le maemo a boalo jwa lefatshe le go dirwang mo go lona.
Ke mowa fela o o mo thaereng o o e kgontshang go rwala morwalo, mme badiri ba dithaere jaaka Goodyear ba tlhomamisa makesimamo ya dikelothwalo tsa thaere nngwe le nngwe mo ditekanyetsoboleng tse di kgethegileng.
Nyalanya tlatsomowa ya thaere le thwalo ya thaere.
Go pega serori morwalo o o boimaima kwa ntle ga go nyalanya kgatelelomowa go tlaa tlhola tshenyego le konalo tsa thaere tse di boitshegang, ka go dira jalo go fokotsa thata tiragatso le botshelo jwa tiriso.
Thaere e e pegilweng boima jo bo fetileng kgotsa e pompeletswe kwa tlase e tlaa pharama kgotsa e obege mo go maswe mo maemong a a jaana, ka kgonagalo ya go phanyega mo karolong e e kwa godimo ya lobotanathoko, le go onala ka bonako, mo meleng e e ka fa ntle. Dithaere tsa "bias" kgotsa "crossply" gantsi di ganelela go tswa dimpanyana mo matlhakoreng fa di dirisiwa mo maemong a kgweetso ya "torque" e e kwa godimo, ka go dira jalo go senye mmele wa thaere. Gape kgatelelo e e kwa tlase le yona e ka dira gore thaere e relele mo riming, e kgaole belofo mo thaereng e e nang le tšhupu le ka kakaretso go senya kagego ya thaere.
Go ntse jalo, tlatsomowa e e feteletseng e dira gore thaere e nne potokwe thata, le konalo e diragala thata mo bogareng. Gape e fokotsa kgaolokamano ya thaere le lefatshe, le go ama kgogo bosula le go oketsa sebaka sa go relela ga thaere go go senyang makwapa le go epa mmu.
Fa o patelesega go kgweetsa terekere mo mokgokoloseng wa lekgabana, kgatelelo ya tlatsomowa ya thaere e tshwanetse go okediwa go fitlha go 30% ya kgatelelo ya motheo (go ya fela ka mothulama) go tlamela ka tlhomamo e kgolwane. Se se ama fela kgweetso ya dithaere tsa morago - thaere ya moelamongwe fa o kgweeletsa ntlha e le nngwe, kgotsa tsoopedi fa o kgweeletsa dintlheng tse di fapaaneng.
Go botlhokwa go gakologelwa go tshuisetsa kgatelelo e e fokoditsweng kgotsa okeditsweng fa o fetola maemo a tiragatso, jaaka fa o haka tereilara kgotsa sediriso kgotsa go kgweetsa ka lebelo mo tseleng ya sekontere.
Le mororo kgatelelo ya mowa e le botlhokwa thata, go dira ka thaere ya mothamo wa mowa o o farologaneng go ka nna le tlhotlheletso mo ingaparelong le mo mmung. Foo mmu o o ka fa tlase, dimela le dibopego tsa medi di leng tsa botlhokwa jo bo kgethegileng, go molemo go dirisa thaere e kgolo (ka bophara le / kgotsa molagare) o dira ka kgatelelo e e kwa tlase. Se se tlaa kgontsha serori go rwala morwalo o o tshwanang go tshwantshanya le thaere e nnye ka kgatelelo e e kwa godimo, fela se fokotsa go sega metlhala e e boteng mo mmung, kgotsa se se itsegeng jaaka phato (compaction).
Fela jalo le mo boalong jwa motlhaba, sebopego se sa thaere se tlaa kgontsha kgogo e e oketsegileng jaaka thaere e anamisa morwalo mo kgaolong ya boalogodimo e kgolwane mme ka tota e "kokobala" mo godimo ga mmu go na le go nwela mo go ona.
Go dirisa mokgwa wa kgogo wa maotomane mo terekereng (fa o le teng) go mosola mo maemong a ngaparelo e e kwa tlase, fela go tshwanetswe go efogiwe mo ditseleng tsa sekontere kgotsa maalogodimo a karabole a a thata ka gore go tlhola konalo ya dithaere tse di kwa pele ya ka bonako le go sa lekalekaneng, go dira taolo ya serori bokete mme go tlaa tlhola mathata a a oketsegileng mo dikarolwaneng tsa serori.
<fn>PulaImvula. TyresMaize1.2008-09.tn.txt</fn>
Ukukhetha amathaya epulazini kubaluleke njengokukhetha ugandaganda noma umshini ozosebenza ngalawo mathaya. Kufanele ubheke indlela ithaya lakhiwe, ukusinda elizokwazi ukuthwala nobukhulu balo - lokhu kubalulekile.
Abaningi abantu bacabanga ukuthi onke amathaya ayafana, kodwa abakhi balezo zinto njengeGoodyear bazama ukwakha amathaya azozwana nezimo ezahlukene zemisebenzi lapho azosebenza khona. Lokhu kuphathelene nendlela kwakhiwe isinyathelo sethaya elithile, iraba elisetshenzisiswe nokulinganisa ukuqina komoya namandla ukuthwala.
Amathaya azosethenziswa kanjani?
Ngokokuqala lapho kukhethwa amathaya kagandaganda kufanele uzibuze ukuthi: azosetshenziswa kanjani Kuzoba manzi, kuzobakhona izindawo ezinodaka Unjani umhlabathi ngaphezulu - uthambile noma unesihlabathi Injani indawo lapho usebenza khona: inamagebhugebhu noma ilingene Lokhu kuzokwenza ukuthi kusetshenziswe kanzima futhi amathaya kufanele abenamandla ukusebenza isikhathi eside?
Ngokujwayelekile amathaya asebenza epulazini lapho kumanzi khona nalapho kukhona udaka avama ukuba nemisedlana esenyathelweni esidlula nga-25% ngokujula uma kulinganiswa namanye amathaya ajwayelekile. Lokhu kusiza ukuthi amathaya abambe kahle ezindaweni ezishelelayo, futhi ayakwazi ukulahla udaka olungena ngaphakathi kwemisele oluzokwenza ukuthi amathaya angakwazi ukubamba kahle ashelele.
Isibonelo: ithaya elakhiwe ukusebenza ezindaweni ezithambile ezinesihlabathi lizoba nemisedlana ebanzi, ethambile ukuze ithaya lizokwazi ukuhamba ngaphezu komhlabathi. Kodwa ithaya elivama ukusetshenziswa zonke izindawo lapho komile, alibanzi futhi liqinile - lokhu kuzokwenza ukuthi lelo thaya lizozigubhela umgodi esihlabathini, alingeke liye phambili.
Okulandelayo ngukuthola ukuthi ithaya lizothwala umthwalo osinda kangakanani, lapha kufanele ubheke konke okuthwalwayo: amathulusi, imishini, amathangi, amanzi (nokusinda kwalawo manzi angina phakathi kwethaya). Ubukhulu nenani lamaphulayi (ply rating) kufanele kulingane nokusinda komthwalo, uma kungenjalo ithaya alingeke libambe kahle, lizodleka masinya, kakhulukazi alingeke lizebenze ngokuphepha, lizodala ingozi.
Umoya ophakathi kwethaya ulinikeza ikhono lokuthwala umthwalo othile, ngakho-ke uma wandisa umthwalo, kufanele usebenzise ithaya elikhulu (ubukhulu bomoya nabo bese buyanda), noma sebenzisa ithaya elinenani lamaphulayi elingaphezulu, noma ungasebenzisa kokubili lokhu - qhapela kodwa ulandele umlayezo wabakhi bogandaganda.
Amathaya angemuva asebenza kakhulu ukuthwala umthwalo futhi ahambisa amandla kagandaganda emhlabathini. Kanjalo ubukhulu bethaya nenani lamaphulayi kukhombisa ukuthi ithaya likwazi ukuthwala nokudonsa isisindo somthwalo esithile kuphela, uma umthwalo ungaphezu kwalokhu ithaya lizodlika liphele masinya.
Ubukhulu (isayizi) bethaya bubalulekile. Izinto ezibalulekile lapho sibheka ubukhulu bethaya zilokhu: ububanzi beseksheni (SW), ububanzi beseksheni lapho sekukhona umthwalo (LSW) (lokhu kuzokutshela ukuthi ithaya lizokwazi ukuhamba ngaphakathi kwamalayini ezitshalo) nobubanzi besiyingi (overall diameter (OD)) okukhombisa ubude (ukuphakama) bethaya lapho seligcwele umoya. Ithaya futhi lifanele lingene kahle liqine lilingane nobubanzi beremu (rim) (RW) nanobubanzi besiyingi beremu (RD).
Ekugcineni, amathaya nogandaganda kukwazi ukusebenza kahle kuphela uma isisindo sikagandaganda nesisindo somthwalo sihambelana (siyazwana). Lokhu kubalulekile uma ufuna ukusebenzisa onke amandla omshini nokusebenza isikhathi eside umshini ungaphuki.
<fn>PulaImvula. TyresMaize2.2008-09.tn.txt</fn>
Dithaere tsa mo polaseng ga di tlhotlhwatlase, fela go na le melawana ya botlhokwa e e ka latelwang go boloka peeletso ya gago le go tokafatsa botshelo jwa dithaere tsa gago.
Go kgweetsa ka dithaere tse di tletseng thata kgotsa di sa tlalang sentle go tlhola konalo e e boitshegang, go dira ngodiego ya tlaleletso mo mmeleng wa thaere le go tlhola tshenyego e e iseng e lebelelwe - kgato e e tlhotlhwagodimo go gaisa!
Ka jalo go botlhokwa go nyalanya kgatelelomowa ya thaere go ya ka maemo a a gona, le go tlhola kgatelelomowa gangwe le gape. Se se tshwanetse go dirwa gangwe kgotsa gabedi ka beke, mme o gakologelwe go baakanya kgatelelomowa ya thaere fa e ne e nyalantsheditswe morwalo o o bokete kgotsa ditiro tse di kgethegileng.
Go ntse go ntse jalo, tlhatlhoba makwapa le mabota go bona tshenyego e e ka nnang teng kgotsa paterone ya dikonalo tse di sa tlwaelegang; gonne se se ka supa go dutla mowa, kgatelelomowa e e fosagetseng, mathata a sasepenšene kgotsa jiometeri ya leotwanakgweetso e e sa nyalanngwang sentle.
Go netefatsa gore thaere e taboga ka kgatelelomowa e e tshwanetseng go tlaa tlamela ka kgogo e e feteletseng, kgotlelelo e e oketsegileng, tokafalo e e oketsegileng ya tiriso ya leokwane, e bile go tlaa nolofatsa go bona go dutla mo isagweng. Gakologelwa go tlhola kgatelelo fa thaere e sa ntse e le tsididi, pele o kgweetsa terekere kgotsa serori, ka gore mogote o o tlhagisiwang ke go kgweetsa o tlaa feleletsa o okeditse kgatelelo le palelo e e fosagetseng.
Paakanyo ya thaere - dirisa moitseanape!
Goodyear e atlanegisa gore go tsenya le go baakanya thaere go tshwanetse go diriwe ke modiri yo o katisitsweng, ka gore ke tiro e e nang le kgonagalo ya go tlhagisa kotsi. Sekao, fa morumo wa thaere o sa nna ka tshwanelo mo remeng, kgatelelo ya pompelo e e kwa godimo mo teng ga thaere e ka thuba morumo kgotsa reme ka maatla a thunyo. Go tlaleletsa, go tlhoka go nna sentle go ka baka go dikologa (spinning) ga thaere mo maemong a modikologo o o kwa godimo, mo go ka tlholang go senyega ga thaere, mme le serori.
Kopano ya thaere le leotwana e tshwanetse ka nako ya go pompelwa e nne mo kheijing e e babalesegileng e le kgato ya thibelopele, mme foo go dirilweng paakanyo mo tšhupung ya thaere e e dutlang, se se tshwanetse go tsewa e le paakanyo ya nakwana.
O se ke wa pompela gape thaere e e tsamaileng e patlame kgotsa e sa tladiwa sentle kwa ntle ga go e ntsha pele le go bona gore a ga e a senyega, kgotsa go e isa go sekwasekelwa seno - le go baakanngwa ke moitseanape wa dithaere.
Dintlha tse dingwe tsa botlhokwa go di gakologelwa ke tse: ka gale khurumela belofo ya thaere ka sekhurumelo sa lorole; o seke wa itaya thaere kgotsa reme ka hamore fa kopano e sa ntse e tletse mowa; o se ke wa dirisa tšhupu mo thaereng e kgolo kgotsa potlana go na le ka fa go laetsweng; efoga go dirisa ditšhupu tse di mataraganeng kgotsa tsutsubaneng; tlhomama fela mo bogolong jwa direme jo bo atlanegisitsweng ke modiri; e bile o se ke ka gope fela wa leka go thula, go momaganya (weld), gotetsa kgotsa boreisa direme tse di senyegileng.
Le mororo Goodyear e dirisa dimethiriale tse di sireletsang kgatlhanong le tshenyego ya thaere, raba e na le mokgwa wa go monyela oli, kirisi, leokwane le ditlhaolosi tse dingwe, mme gape e onadiwa go ya pele ke go nna mo mogoteng le mo leseding.
Ka jalo dithaere di tshwanetse go bewa mo kgaolong e e tsiditsana, phepa le lefitshwana, gape kgakala le metšhine e mengwe jaaka dikoloi, dijenereitara le dimomaganyi ka gore gase e e kgwiwang ke didiriso tse di jalo e tlhola maphanyego mo rabeng mme, kwa bofelong, go ganana ga mmele wa thaere. Go sa le jalo, tlhatswa dikhemikale dingwe le dingwe mo dithaereng morago ga go dirisa terekere mo ditirong tsa kgatsho.
Go boloka dithaere tse di tsentsweng mo diremeng mme di se mo motšhineng, fokotsa kgatelelo go nna 10 psi le go di boloka di gatile ka makwapa. Dithaere tse di seng mo diremeng di ka bolokwa di tlhatlagantswe ka go lekalekana ka dimpa, fela di se ke tsa ya bogodimo jo bo ka utlwisang thaere e e kwa tlase botlhoko.
Mo motšhineng kgotsa sedirisong mo polokelong mo dipakeng tse ditelele, pega serori mo dibolokong go tsholetsa dithaere gore di se ke tsa kgoma lefatshe. Fa se se sa kgonege, oketsa kgatelelomowa ya thaere ya gale ka 25% go fokotsa go tswa mowa mme gangwe le gape o tsamaise serori go fokotsa ngodiego mo kgaolong ya thaere e e kgomileng mmu.
<fn>PulaImvula. Value.2008-09.tn.txt</fn>
Go ya ka setso boleng jwa lefatshe la temothuo bo ne bo ikaegile ka bontshadikuno jwa temothuo. Mo dikgaolong tse di kgakala thata le ditoropo, balemirui ke bona ba sa ntseng ba reka bontsi jwa lefatshe la temothuo koo dipoelo tsa bofelo mo ditirisong tsa temothuo e leng kaedikgolo ya boleng jwa polase.
Dikelo tsa morokotso tse di kwa godimo kgotsa kwa tlase tsa gajaana le tsona di tlhotlheletsa balemirui ka gore balemirui ba bantsi ba bereka ka lotseno lo lo adimilweng ka bontlhanngwe kgotsa lotlhe. Dipeeletso tsa kapetlele mo dibopegong le ditokafatso tsa polase le tsona di na le tlhotlheletso kgolo mo botennye jwa lefatshe la temothuo.
Go tsena mo thulaganyong go lema ditele le balemi ba bangwe.
Poelo ya khapetlele ya pakatelele e e amanngwang le koketsego ya boleng jwa lefatshe mo tsamaong ya nako.
Dipoelo tse tsa pakatelele di sa ntse gape di ikaegile ka selekano sa phesente ya dipoelo go tswa tirisong ya go ntsha dikuno, eo e itemogelang dipoelo tsa ikonomi tse di kwa godimo le kwa tlase go ya ka mediko ya nako. Ka kakaretso boleng jwa lefatshe bo ntse le go oketsega mo tsamaong ya nako mme tlwaelo ya lefatshe ka bophara ke gore lefatshe le le nang le kgono ya ntshodikuno le ruiwe ke batho ba le mmalwa fela. Ka jalo go nna bokete mo balemiruing ba bantšhwa go bona lefatshe mo pakeng e khutshwane le go le duelela ka ntshodikuno e e nonofileng. Seemo le gale se ka farologana fa lefatshe le ka bonwa ka theko ya kabo (LRAD), kgotsa ka go jewa boswa, kgotsa ka kadimo ka dikelo tsa morokotso tse di etleediwang (jaaka go ntse ka thulaganyo e tshikinngwang e ntšhwa ya Lefapha la Merero ya tsa Mafatshe e e bidiwang Proactive Land Acquisition Scheme (PLAS).
Khiriso ya lefatshe e fetogile go tswa mo tseleng ya balemi ba ba simololang go tsena mo temothuong le mo tseleng ya balemirui ba ba itshetletseng go bona lefatshe la tlaleletso le go atolosa kgwebo ya bona ya temothuo. Se se tshwanetse go akanngwa thata mo lefatsheng le lentsi le le sa dirisiweng ntswa go na le balemirui ba bantsi ba ba kgonang ba ba tlhokang lefatshe le ba ka dirang temothuo ka poelo mo go lona. Khiro e letla balemirui go atolosa kgwebo ya bona kwa ntle ga sekoloto le tiriso ya khapetlele e e tsamaelanang le bong.
Gakologelwa: Go a kgonega go dira temothuo kwa ntle ga go nna mong wa lefatshe ka go hira, go nna mo lefatsheng la morafe kgotsa go lema ditele.
<fn>PulaImvula. Vat.2010-04-01.tn.txt</fn>
Lekgetho la Tlaleletsoboleng - a ke o ikwadise?
Mo dingwageng tse nne tse di fetileng re ntse le dikgannyana di le mmalwa ka VAT. Fela re sa tswa go lemoga gore ke bantshakuno ba le mmalwa fela ba ba ikwadiseditseng VAT.
Ke tlaa boelwa ke eng fa ke ikwadisa?
Ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tsa ntshokuno ya dijalo di kwa godimo thata mme bantshakuno ba tshwanetse go dira gotlhe mo ba ka go kgonang go fokotsa ditshenyegelo tsa ntshokuno. Nngwe ya ditsela tsa go dira se ke go ikwadisetsa VAT.
VAT e kgethisiwa mo ditsenngwatennye tsa ntshokuno - peo, monontsha, dikhemikale, dithulo le tlamelo, j.j. Se ke 14% ya ditshenyegelo tsa ditsenngwateng. Fa e le gore o ka tswa o dirisa R4 000 ka heketara mo ditsenngwatennye tsa ntshokuno, VAT mo madding ao ke R560 ka heketara. Fa o ikwadiseditse VAT, o ka kgona go lopa madi gape go tswa go Ditirelo tsa Lekgetho tsa Aforikaborwa (SARS). Ke madi a mantsi thata ka heketara, mme ka nako e, a feta poelo e bontsi jwa bantshakuno ba e dirang. Fa o sa ikwadisetsa VAT, gona go na le kgonagalo ya gore ga o ne o kgona go dira poelo mo temodithorong ya gago.
Go reng bantshakuno ba sa batle go kwadisa?
Lengwe la mabaka a gore goreng bantshakuno ba sa batle go ikwadisetsa VAT ke gore go tlaa tlhokega go tshola rekoto tse di siameng ka gore SARS e kgona go tlhatlhoba dibuka tsa bona nako nngwe le nngwe. Fa o tlhoafetse ka go nna kgotsa go batla go nna montshakuno wa mogwebi, go botlhokwa thata go tshola direkoto tse di siameng. O tlhoka go itse ditshenyegelo tsa ntshokuno tsa gago, dipoelo le gore madi a ya kae.
Gantsinyana bantshakuno ba latofadiwa ka go efoga kgotsa go ikgatholosa tuelolekgetho - ba tsamaisa ikonomi ya madi a seatleng a a se nang motlhala wa pampiri gope. Se ga se mokgwatiriso o o siameng ka ntlha ya mabaka a le mabedi: Sa ntlha ke tlolomolao wa lefatshe le go gweba kwa ntle ga go bega ditiro tsa gago kwa SARS. Sa bobedi ga o ne o kgona go tsaya ditshwetso tsa kgwebo tse di lolameng fa o sa kgone go latedisa lotseno le ditshenyegelo tsotlhe tsa gago. Gakologelwa gore rotlhe re dirisa ditirelo go tswa pusong, e bile ke maikarabelo a moagi mongwe le mongwe mo nageng go tshwaela mo lotsenong lwa naga. Re ka se ka ra efoga go duela lekgetho, fa re itumelela mesola yotlhe e e duelelwang ka makgetlho. Gakologelwa gore puso e dirisa makgetho go duelela ditsela, dikolo, ditirelo tsa pholo le sepodisi, jj.
Fa e le gore o tlhoafetse ka go nna montshakuno wa mogwebi yo o itshegeleditseng - ikwadisetse VAT le Lekgetho lwa Lotseno.
<fn>PulaImvula. Voice.2009-11.tn.txt</fn>
Ka nako ya NAMPO 2009, ditokololo tsa 250 Ton Club le bantshadikuno ba ba tsweletseng ba le mmalwa ba ne ba lalediwa go tsena pitso. Go ne go dumelwa gore nako e fitlhile ya gore bantshadikunothoro ba bantsho ba ba tlhabologang ba nne le lefoko le go buisana ka dintlha tse ba bonang di le botlhokwa.
Tlaleletso mo inšorenseng ya ditsenngwateng.
Go na le potso ya ntlha ya botlhokwatlhokwa e Moaforikaborwa a tshwanelang go e ipotsa - a re batla go itlamela gotlhelele ka dijo, kampo re batla go itsenya mo mathateng a go ikaega ka dijo tse di rekwang kwa ntle Go nna le poelo ga temothoro go mo kgatelelong e kgolo thata mme e bile go batla go sa kgonege mo bantshadikunong go tswelela go ntsha dikuno. Bantshadikuno ba ntshitse tse di latelang jaaka dintlha tse di kgonegalang go dira poelo e e bokoa?
Bantshadikuno ba Aforikaborwa ba ba lemang mo tikologong e ka kakaretso e leng kgwatata, ba patelesega go gaisana le dithoro tse di ntshiwang mo maemong a tlelaemete a a botoka, e bile dingwe tsa tsona di etleediwa ke puso.
Aforikaborwa ga a tshwanela go letla dinaga tse dingwe tse di tlhabologileng go re dira thothobolo ya tsona.
Thoro ke tsela e e tlhotlhwagodimo mme thulaganyo ya ralewee ga e dire ka tshwanelo.
Thulaganyo ya thoro ka ralewee e tshwanetse go tlhabololwa.
Ga go na makgetho a diromelwateng a a ka sireletsang bantshadikuno ba selegae.
Makgetho a diromelwateng a botlhokwa go sireletsa bantshadikuno ba rona.
Ka ditlha tse di siameng, re na le pholo e e fetileng ya mmidi, mme ga go na dijalo tse dingwe tse bantshadikuno ba ka di jalang le go dira poelo - mabele, sonobolomo le dinawa tsa soya di bona thobo e e fetileng, mme tlhotlhwa ya gajaana ya korong, e dira jalo ya yona bokete go jala mo maemong a e seng a nosetso.
Go tshwanetse go simololwe "sekema sa phetolelo kwa mafulong" gore ka jalo mebu yotlhe e e bokoa e ntshiwe mo ntshodikunong ya dithoro le go fetolelwa go ya phulo mo ntshodikunong ya nama le tlhale.
Go atolosiwe mebaraka ya dithoro.
Mekgwatiriso ya temothuo e e siameng le botsweletsopele jwa sethekenoloji di okeditse thobo moo e bileng e fetile tlhokego.
Bantshadikuno ba tlhoka go diragatsa mekgwatiriso ya ntshodikuno ya tshugommu e e fokoditsweng kgotsa e e sa dirweng go fokotsa ditshenyegelo.
Go na le phatlha e e atlhameng thata magareng ga tlhotlhwa e montshadikuno a e bonelang kuno ya gagwe le tlhotlhwa e modirisi a e duelelang dijo - fa motho yo o fa gare a ne a ka dira poelo e potlana, gona montshadikuno le modirisi boobedi ba ne ba ka solegelwa mosola.
Go tshwanetse go nne le tshedimosetso gore mongwe le mongwe mo moleng wa dijo a itse ka ga ditsheneyegelo.
Ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa ditsenngwateng.
Mabaka a bokunkutshwana jwa kutlwaneloditlhotlhwa a tlhotlhomisiwe ka botlalo.
Ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa madi a a adimilweng.
Land Bank e adime batho dikadimo tsa ntshodikuno ka dikelomorokotso tse di kwa tlase.
Ditlhotlhwa tsa dithoro di kwa tlase thata.
Karolotuelo (premium) e ka duelelwa dithoro tse di ntshitsweng ke bantshadikuno ba ba tlhabologang. Se se ka "atswa" ba ba dirang sentle le go ba kgontsha go atologa.
Bogolo jwa lefatshe le le abilweng sešwa ga bo tlhole bo na le ntshodikuno - diporojeke di gananye.
Pharologantsho ya tlhopho.
Pharologantsho ya tlhopho e tshwanetse go akaretsa katiso le maitemogelo a temothuo mo malobeng.
Bopaki jwa bokgoni le boineelo ka bajaboswa ba ba akanngwang.
Go rotloetsa seabe sa mekgatlho ya dikuno mo tlhophong ya bajaboswa gammogo le mo kemonokeng ya bantshadikuno.
Kemonokeng ya baamogedi.
Bathati mo Lefapheng la Merero ya Mafatshe ga ba tlhaloganye temothuo.
Boradipolotiki ga ba itse temothuo.
Theboloditirelo e e bonya - ditheko tse dintsi di gananye.
Ditirego tsa tsamaiso di tshwanetse di tseleganngwe le go tsamaisiwa ke batho ba ba nang le kitso.
Tuelelo e e bonya ya lefatshe.
Ditirego tsa tsamaiso di tshwanetse di tseleganngwe le go tsamaisiwa ke batho ba ba nang le kitso.
Dipholisi tse di tlholang di fetofetotswe.
Se se ithutilweng mo tiragatsong se tshwanetse go diragadiwa.
Lefatshe le le losi, ga le a lekana.
Ditlhokego tse dingwe jaaka loruo, metšhine le molato wa ntshodikuno di tshwanetse di nne teng fela di tloga.
Bantshadikuno ba iphitlhela ba le mo thateng ya boutlwelobotlhoko jwa ditheo tsa kadimo tse keletsokgolo ya tsona e seng sepe fela fa e se poelo.
Bantshadikuno ba fisegela go bona kadimo, mo e bileng ba se nang maatla a boipuelelo, e ka nna mo kelong ya morokotso, kgotsa mo tlhotlhweng ya ditsenngwateng tsa bona.
Land Bank e tshwanetse go thusa bantshadikuno ka matlole ka tlhamalalo gore ba kgone go ipuelela go bona diphokoletso tse dikgolo.
Bantshadikuno ga ba engwe nokeng le go gakololwa sentle ka thekiso ya dithoro tsa bona.
Bantshadikuno ba tlhoka kgakololo e e ikanyegang ka mebaraka ya dithoro.
Ditheo tsa matlole di adima fela madi a di a bonang go tswa Land Bank le IDC fela ga di robe mesola ya dikelo tsa morokotso tse di kwa tlase.
Go tshwanetse go nne le go nna mo pepeneneng mabapi le dikelo tsa morokotso.
Ka dinako dingwe dikadimo di rebolwa thari.
Dikadimo di tshwanetse go rebolwa go sa le gale go letla bantshadikuno go ipaakanyetsa dijalo sentle.
Diphokoletso go tswa ditlamong tse di tlamelang ka ditsenngwateng ga se gantsi di fetisediwang kwa bantshadikunong.
Bantshadikuno ba ba tlhabologang ba tshwanetse go ungwelwa mo diphokoletsong.
Makgetho a diromelwateng a tshwanetse go tlhongwa go sireletsa bantshadikuno ba selegae.
Puso e tshwanetse go rwala ditshenyegelo tsa 35% tsa ditshenyegelo tsa ntshodikuno tse gajaana di sa akarediwang ke inšorense ya ditsenngwateng.
Go tshwanetse go nne le ketleetso ya mmuso go fetolela mebu e e swagafetseng kwa jalong ya phulo.
Puso e tshwanetse go duelela tshelo ya llaeme ka tshiamiso ya pH ya mmu.
Puso e tshwanetse go duelela tshelo ya fosefeite koo dilekanyo tsa fosefeite di leng kwa tlase teng.
Mananeo a kemonokeng mo bantshadikunong ka mafapha a a farologaneng a tshwanetse go gokaganngwa.
Kadimo ya balemisi go mekgatlho ya dikuno e tshwanetse go akanngwa go tokafatsa theboloditirelo.
Go tshwanetse go elwe tlhoko thusosešwa ka matlole le tsosoloso ya didiriso tsa temothuo.
Dikarolo tsa tshomarelo ya naga le mmu mo Lefapheng la Temothuo di tshwanetse go matlafadiwa le go nonontshiwa.
<fn>PulaImvula. WaterMaize.2009-09.tn.txt</fn>
Lefatshe le na le mothama o o lekanyeditsweng wa metsi o o tsamayang ka go dikologa o sa eme. Se se itsege jaaka modiko wa metsi kgotsa modiko wa sehaeteroloji.
Mowafalo e diragala fa letsatsi le lelofatsa metsi mo dinokeng kgotsa matamong mme metsi a bo a fetoga phufudi. Phufudi e ya metsi e tswa mo nokeng kgotsa letamong mme e tsene mo moweng.
Phufulelo ke tirego eo ka yona dimela di ntshang metsi ka matlhare a tsona. Phufulelo le mowafalo ke ditirego tse pedi tse ka tsona metsi a busediwang mo moweng.
Kgatselo ke tirego eo ka yona phufudi ya metsi e mo moweng e tsidifalang le go fetogela gape go nna seedi le go dira maru.
Phothoselo e diragala fa metsi a gatsetse ka bontsintsi mo mowa o sa tlholeng o kgona go a tshwara. Maru a nna bokete thata mme metsi a wela gape kwa lefatsheng ka sebopego sa pula, sefako, serame kgotsa segagane.
Fa metsi a wela gape mo lefatsheng jaaka photlhoselo, a ka wela gape mo lewatleng, matamong kgotsa dinokeng kgotsa a feleletsa a le mo mmung. Fa a feleletsa a le mo mmung a tlaa nwelelela mo lefatsheng le go nna karolo ya "metsi a mo mmung" a dimela le diphologolo di ka a dirisang, kgotsa a tlaa elela ka merwalela le go kgobokana mo melapong, matamong, dinokeng mme kwa bofelong mo lewatleng - mme tirego e e bo e simolola gape.
Goreng dimela di tlhoka metsi?
Metsi a tshola semela se eme tswe! Dirwe tsa semela se se tshelang di le 90% kgotsa go feta ke metsi. Bontsi jwa matute a disele ke metsi mme se se tshola tlhale ya semela e gagametse. Fa semela se tlhaela metsi se a swaba le go lepelela. Tatlhegelo e e tseneletseng e ka tlhola loso.
Metsi a tsidifatsa semela ka tsela ya phufulelo.
Metsi ke matheriale wa go aga, oo mmogo le khabonodaekosaete, dimela di di dirisang go dira dikhabohaetereite.
Metsi ke serarolosi mme se tsamaisa dimenerale tse di rarolositsweng mo mmung go tsena ka medi go ya le semela sotlhe.
<fn>PulaImvula. Weather.2007-11.tn.txt</fn>
Byline: Corné Louw, Raikonomi wa temothuo: Ntshodikumo/Ditsenngwateng, Grain SA.
Pula ya setlha se se fetileng, bogolo segolo paka e e masisi go tswa Ferikgong 2007 go ya Mopitlwe 2007 e ne e le komelelo le go gaisa 1992, fa go ne go tshwaiwa komelelo e e maswe. Go ne go na le dikgaolo dingwe, segolo bogolo go dikologa Gauteng le dikarolo tsa bophirima tsa Mpumalanga tse di itemogetseng komelelo e e maswe go gaisa fa e sale 1912.
Go ya ka rre Johan van den Berg wa ARS, go na le ditshupo tsa tlhagelelo ya La Nina e e maatla. Go solofetswe gore tshusumetso ya La Nina e tlaa itemogelwa bonnye go fittha ka letihabula la 2008. Dipholo tsa se ke gore dikgonegalo tsa dipula tse dintle di kwa godimo thata ka paka e e masisi go tswa Sedimonthole 2007 go ya Mopitlwe, 2008.
Ditshwantsho 1 - 3 di supa dikgonagalo tsa go amogela bonnye pula e e tlwaelegileng. Dikgaolo tse ditshetlha di supa pula ya tlwaelo, tse ditala di supa pula e e kwa godimo gapalogare, fa tse di borokwa di supa pula e e kwa tlase ga palogare. Diponelopele tsa dikgwedi tse di tlang di supa pula ya palogare (losetlha) go ya go feta palogare (botala) e e solofetsweng Dikgonagalo tsa pula di dintel bogolo segolo tsa Sedimonthole 2007 le Ferikgong 2008.
Ditshwantsho 1 - 3: Kgonegalo (%) ya bonneje pula ya kgotsatlaelo.
Bophitshwa: Kwa tlase ga 20% ya pula ya palogare/tlwaelo.
Bophitshwa: 20% - 40% ya pula ya palogare/tlwaelo.
Bosetlha: 40% - 60% ya pula ya palogare/tlwaelo.
Botala: 60% - 80% ya pula ya palogare/tlwaelo.
Bopududu: Go feta 80% ya pula ya go feta thata palogare/tlwaelo.
Ditsholofelo tsa dikgaolo ka bongwe ka bongwe. Kgonegalo ya kamogelo ya pula bonnye 20mm ka paka ya malatsi a le 10 e baleletswe dikgaolo dingwe - se se ka bonwa mo Ditshwantsho 4 - 7. Ditsholofelo tse di thailweng mo palogareng ya pakatelele di supiwa ka bohibidu mme dikgoaolotsa setlha se (2007/2008) di supiwa ka bopududu: Dikgaolo tse dipududu di supa kgonagalo e ntlé ya pula ya fa godimo ga palogare. Go lebilwe tswelelo ya La Nina, Dikgonagalo tsa pula e ntle di mo go Sedimonhole kwiole ya ntlha ya ferikgong le tshimologo ya Tlhakole, 2008 go ya mopitlwe, 2008.
Tshedimosetso e e fa godimo e kgobokantswe ke rre Johan van den Berg wa ARS. Tshedimosetso go ya pele e ka bonwa mo webosaeteng ya Grain SA.
<fn>PulaImvula. Weeds(maize).2011-09-27.tn.txt</fn>
Morago ga go jwala mo setlhajalong sa Diphalane go ya bogareng jwa Sedimonthole, 2010, dikgaolo tsa ntshokuno ya mmidi di le dintsi di ne tsa amogela pula e e kwa godimo ka dipaka tse di sa atologanang thata. Mo dipolaseng di le dintsi maemo a a kgobotlegang a ne a thibela taolomofero e e nonofileng ya semotšhine mo gare ga mela, setlha sotlhe.
Bantshakuno ba ba se kileng ba dirisa taolomofero ya sekhemikale, le go sa kgatshang pele ga tlhogo ya dimela kgotsa ba ka se ka ba tshela dikhemikale morago ga tlhogo, ba ka kopana le mathata a magolo a mefero mo setlheng se se tlang se. Dimela tsa mofero tse di kgonneng go ungwa di tlhodile dipeo di le dimilione tse di tlaa bong di anamisitswe mo masimong pele ga setlha sa ntshokuno sa selemo se se tlang se.
Bantshakuno ba go lema go le gonnye le bona ba itemogetse mathata a taolomofero a a boitshegang mo masimong fa sediriso se ne se sa kgone go dirisiwa go kgatshetsa lenaneo la taolomofero le le rulaganeng la mefero pele le/kgotsa ka jwalo. Ka jalo go botlhokwa go tllhatlhoba masimo a a tlileng go jwalwa gore go tle go lemogiwe paterone ya kanamo ya mefero e e mathata. Khemikale e e nepagetseng le lenaneokgatsho le le nepagetseng, gammogo le moemedi wa gago wa taolomofero, jaanong di ka rulaganngwa.
Ka maemo a a kgobotlegang a a sa leng gona gammogo le pula e e setseng e amogetswe mo go Phatwe, go bonala sentle fa maemo a kgobotlego a tlaa kgoreletsa gape tlhagolo ya mofero ka metšhine le ditiro tsa kgatsho ya taolo ka khemikale le monongwaga. Go atlanegisiwa ka jalo gore fa o ntse o ikantse taolomofero ya semotšhine fela, go akanngwa ka tshwetso ya go reka "spray rig" se se tshwanetseng.
Mediro e e farologaneng e mentsi ya "spray rigs"e e siametseng go gokelelwa mo ntlhatharong ya terekere ya gago, go akaretsa ditanka tsa dilitara tse 600 le 1000 le dibumu tsa boleele jwa dimitara tse 12 go ya 16, e ka bonwa mo mebarakeng ya selegae. Diyunite tsa ditanka tsa dilitara tse 1 000, di tshwanetse go dirisiwa fela mo diterekereng tse di nang le mothamo wa llifite ya ntlhatharo wa ditono tse 1.5 kgotsa go feta.
Diyunite tse di dirilweng mono gae di tlhotlhwa e e utlwalang sentle mme le dikarolwana tsa tsona di fitlhelelwa botlhofo mo setlheng. Fa o ka reka yunite e e rometsweng go tswa ntle, netefatsa gore agente ya gago e go tlhomamisetsa go ka bonwa ga dipompo tsa kemisetso kgotsa didaeforamo tsa pompo le go tshola metseletsele ya dinosele tsa kgatsho ka gale. Tshelo nngwe le nngwe e tlhoka dinosele tse di kgethegileng tse di nang le dipaterone tsa kgatsho le melongwana e e farologaneng. Ditshetelo tsa kgatelelo tsa nosele nngwe le nngwe di botlhokwa thata mo go netefatseng gore go fitlhelelwa bogolo jwa lerothodi jo bo nepagetseng jwa tshelo e e rileng go bona tiragatso e e kwa godimodimo ya sebolayatlhatshana se se tshetsweng.
Fa o kgonne go reka yunite e e gogiwang, se se na le mosola o mogolonyana go na le yunite e e gokelelwang ya ntlhatharo. Konalo ya thulaganyo ya haeteroliki ya ntlhatharo, e a tlosiwa mme terekre le "spray rig" di dira yunite ya semotšhine e e lekalekanang le go tlhola bokgoni jo bo kwa godimo le katisegelo ya mmu e potlana. Diyunite tsa dilitara tse 2 000 gape di kgontsha kgatsho ya bogolo jwa masimo pele o ka ya go tlatsa motswako wa tanka. Gakologelwa botlhofo jwa go nyalantsha sebaka magareng sa maotwana mo yuniteng e e gogwang go tlaa tsamaelana le a terekere mo katoganyong ya mela ya polantere ya gago ya phitlhelelo e e bonolo ya dilaodi go tswa setilong sa mokgweetsi.
Bonnye jwa tlwaelo jwa tshelo ya metsi mo motswakong wa tanka o o rileng e ka nna dilitara tse 200 ka heketara go netefatsa kapeso ya kgatsho e e lolameng ya boalogodimo jwa mmu. Tanka ya ntlhatharo ya mothama wa dilitara tse 600 ka jalo e tlaa apesa diheketara tse tharo pele ga tlatso le tswakanyo ya dikhemikale tsa tshelo e e latelang.
Fa o rulaganyetsa tiro ya kgatsho tsaya tsia kgaolo e e yang go kgatshiwa, ditekanyetso tsa nako, go nna teng le phitlhelelo ya metsi a a tshwanetseng, palo ya diterekere le didiriso tse di gona go tsenyeletsa le tereilara e e nang le tanka ya mothama wa bonnye jwa dilitara di le 5 000. Go gakololwa gore tereilara ya metsi a a tlaa dirisiwang e tlamelwe ka pompo e e nang le mothamo wa bogolo jo bo lekanetseng gore tanka ya ntlhatharo kgotsa tanka ya tereilara, e tladiwe ka bonako.
Thulaganyo le tlamelo ya didiriso e tshwanetse e dirwe ka kelotlhoko e le gore go tle go fokodiwe motsamao mo masimong ka setlha sa jalo. Temothuo ya segompieno e e nang le poelo e ka se fitlhelelwe kwa ntle ga kitso e e siameng ya taolomofero ya sekhemikale le tshelo e e nonofileng ya yona ka sediriso sa kgatsho se se nepagetseng. Ka gale dirisa agente kgotsa mogakolodi yo o nang le maitemogelo go thusa mo togamaanong le tshelo ya dibolayatlhatshana le dibolayasenyi.
Fa o se na maatlakgogo a terekere a a lekaneng kgotsa khepetlele ya go itlamela ka didiriso, akanya ka go dirisa rakonteraka yo o nang le "spray rig" se segolo. Ditlhotlhwa go tswa go borakonteraka di ja magareng ga R65 le R100 gammogo le disele. Kgaolo e kgolo ya masimo e ka dirwa mo motshegareng le bosigong ka thuso ya dithulaganyo tsa GPS. Fela le gale netefatsa pele o tsena mo dithulaganyong gore rakonteraka o tlaa nna teng ka nako fa a tlhokega le gore lotlhakore longwe le longwe lo tlhaloganya sentle ke didiriso dife tse di tlaa tlhokegang le go tlamelwa ka lotlhakore longwe le longwe. Borakonteraka bangwe ga ba na ditanka tsa metsi le ditoroko tse e leng tsa bona. Fa o ka se kgone go tlamela ka mothamo wa metsi a a tlhokwang ke "spray rig" sa rakonteraka, tatlhegelo ya nako le nonofo e tlaa tlhola kgotlhang le boitlhobogo mo mefameng yoobedi.
Ditshenyegelo tsa go nna le didiriso tse e leng tsa gago, le tshiamelo ya go kgatsha ka nako e o e batlang ka heketara di tshwanetse go lekalekanngwa kgatlhanong le ditshenyegelo gotlhe tsa fa tiro e ka dirwa ke rakonteraka. Mosola o o tlaleletsang ke gore gantsi borakonteraka ba le bantsi ba na le kitso ya dikhemikale le metswako ya ditanka e e yang go dirisiwa, kgotsa ba dirisana thata le badiragatsi ba tshelo ya dibolayatlhatshana.
Go mo dikgatlhegelong tsa gago go baya tiro ya kgatsho efe le efe leitlho ka dinako tsotlhe. Go sa ntse gape go le botlhale go bua le ditlamo tsa dikhemikale di le mmalwa go tshwantshanya ditshenyegelo tsa tshelo tsa dikhemikale ka heketara le go sekaseka seemo sa tirelo e o tlaa e newang. Gakologelwa gore motlamela ka dikhemikale ofe le ofe o theogetse thata mo setlheng, mme o ka nna a se ke a kgona go go tlhokomela go lekane mabapi le thuso ya tswakanyo ya dikhemikale ya ditanka le atejufante le go baya dikelotshelo leitlho. Kwa ntle ga maitemogelo go bonolo, le tota go le maikaelelo a a siameng, go tshela dikhemikale go le gonnye kgotsa go fetisa.
<fn>PulaImvula. Weeds.2008-02.tn.txt</fn>
Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa kaeding ya Grain SA: Ntshodikuno le Thekiso ya mmidi e e tsweletseng.
Photo 1: Tshimo e, kwa Kapabotlhaba ga e a kgatshiwa ka sebolayatlhatshana sepe, ka jalo e tletse mefero.
Photo 2: Tshimo e, le yona kwa Kapabotlhaba, e ne ya kgatshiwa ka sebolayatlhatshana fela fa morago ga go jala.
Photo 3: Malepa mo setshwantshong se ke go lepa semela sa mmidi.
Photo 4: Filetara ya sekgatshi e thibane.
Photo 5: Dinosele tsa sekgatshi di thibane.
Photo 6: Thibano e ka nna teng fa sekgatshi se sa phepafadiwe le go tlamelwa.
Ditshwantsho 1 le 2 e sale tsa tshimo ele kwa Kapabothaba - e e nang le mefero ga e a ka ya kgatshiwa ka sebolayatlhatshana sengwe fa e le gore e nngwe e ne ya kgatshiwa fela morago ga jalô - pharologano e mo pepeneneng!
Mofero ke eng?
Semela sengwe le sengwe se se tlhogang fa se sa batlegeng kgotsa tlhokegeng teng, se ka bidiwa "mofero". Mefero ke bothata mo temodithorong ka gore e gaisanela bongola le dikotla, e ka dira mathata ka nako ya thobo, e ka kgotlela le go taka dithoro, dipeo tsa yona di ka nna botlhole mme e ka suba disenyi le malwetse a a amang sejalo se se solofetsweng.
Mefero e anama bonolo e bile e golela ka bonako thata. Gantsi e na le thulaganyomedi e e godileng sentle mme e inyalanya bonolo le maemo a mantsi. E bokete go laolwa, e thata e bile e gaisanela ka mafega bongola le dikotla tsa mmu, le dijalo. Mefero e na le ditsela tse di farologaneng tsa go intsifatsa mme di tshwanetse go tsewa tsia thata fa taolomofero e rulaganngwa. Mefero e kgona go ungwa (gantsi ka bonako le phophomo), mengwe e na le dikutu tsa ka fatlase (medithola) mengwe e na le medimetlange e namang mo boalogodimong, mengwe e na le digwete fa mengwe e na le digwere. Mo mabakeng mangwe jaaka mo monakalading, e dira peo, e na le segwere le medithola - se se e dirang bokete segolo go laolwa. Dipeo tsa mefero fa gongwe di tshela paka e telele - di kgona go leta mo mmung go fitlhelela maemo a di siamela go ka mela. Gape dipeo tsa mofero ga di ke di tlhogela gongwe tsotlhe - dingwe di a mela fa dingwe di tlaa mela moragonyana. Tlhogo e, fa gongwe e rumolwa ke go lema mmu.
Medi ya mefero fa gongwe e tsenelela kwa teng thata go na le medi ya dijalo ka jalo e kgona go falola bonolo. Mefero ya motlhogelaruri gantsi e na le dipolokelo tse dikgolo tsa dijo mo dikarolong tsa tsona tse di ka fa tlase ga mmu - gape se se e kgontsha go emelana le maemo a kgolo a a bokete.
Mefero e ka digela modikotshelo wa yona mo sebakeng se se ka fa tlase ga ngwaga - kgotsa mo setlheng (yona e bidiwa mefero ya sengwaga), kgotsa e ka tshela go feta ngwaga fela kwa tlase ga dingwaga tse pedi (yona e bidiwa mefero ya ngwagapedi), kgotsa e ka tshela lobaka lo loleele le go ungwa ngwaga le ngwaga (yona e bidiwa mefero ya motlhogelaruri).
Keng go le botlhokwa go laola mefero mo dijalong?
Mefero e gaisanela le dijalo bongola jwa mmu dikotla, sebaka le lesedi. Kgaisano e e kgoreletsa kgolosejalo le go diegisa tswelelo, ka go eira jalo e fokotse thobo ya dijalo. Kgaisano e e ka tlhola kgotlelego ya peo ya dijalo, phokotsego mo thobong kgotsa phokotsego mo bolennye jwa peo ya sejalo. Kgaisano e e dirwang ke mefero e farologana go tswa sejalong go ya sejalong le go tswa moferong go ya moferong - e ka tlhola phokotsego ya thobo ya dijalo ka bonnye jwa 10% kgotsa ka bogolo jwa 98%.
Mefero e simolola go gaisana le dijalo fela fa e setse e tlhabolotse thulaganyomedi ya leruri - fela fa e fetile kgato ya botlhogela. Taolomofero e tshwanetse go totisiwa go thibela kgaisano le dijalo, gammogo le go thibela mofero ga ungwa peo mme ka jalo o a itshamatlhela go gaisana le dijalo tse di tlang moragonyana.
Molemi mongwe le mongwe yo o tlhoafetseng ka ntshodikuno ya dithoro o bolotsa ntwa kgatlhanong le mefero - ke yona mmabamogolo wa molemi. Ka kakaretso mefero e laolwa semotŝhine kgotsa ka go dirisa sebolaya tlhatshana - kgotsa ka go dirisa kopano ya mekgwa yoobedi. Taolomofer e e nonofileng e tshwanetse gore mo tshimong eo go lemilweng fela dijalo mo go yona - e tlhole gore go se nne le mofero got Lhelele. Boammaaruri, le gale ke gore dilo di ka fosega mme mefero ea se ka e a tlhagolwa sentle.
Ke eng se se tlholang taolomofero e e bokoa?
Go na le mabaka a motheo a le mararo a a tlholang taolomofero e e bokoa - lengwe le amana le didiriso tsa go tlhagola, lengwe le amana le didiriso tsa kgatsho mme la bofelo ke maemo a loapi (bosa).
Dikara tsa go tlhagola di sa katologanngwa ka tshwanelo gore di fitlhelele kgaolo yotlhe ya mmu fa gare ga mela ya dijalo (di ka nna tsa bo di fedile mo di sa tsaaneng tema).
Tiro ya go tlhagola e sa dirwa go fitlhelela boteng jo bo nepagetseng - medi ya mefero ya motlhogelaruri e ka tlhogelwa mo mmung o o bongola o o tlaa di kgontshang go gola gape.
Tiro ya tlhagolo e sa dirwa ka lebelo le le nepagetseng - go botlhokwa go tlhagolwa ka bonako jo bo lekaneng gore gore go tlhanyaololwe mmu go lekane.
Mmu o le metsi thata ka jalo mefero e e kumotsweng e sala e ntse e amana le mmu e kgone go tswelela go gola.
Khaliboreišene ya sekgatshi e fosagetse.
Tepo ya nako ya taolomofero e ne e sa nepagala.
Sebolayatlhatshana se se dirisitsweng se ne se sa tshwanela mofuta wa mofero o o mo tshimong.
Filetara ya sekgatshi e thibane (setshwantsho 4).
Dinosele tsa sekgatshi di thibane (setshwantsho 5).
Go dirisitswe mofuta wa dinosele o o fosagetseng (gakologelwa go dirisa dinosele tsa khoune go kgatsha mo dimeleng, le dinosele tsa sesarasari go kgatsha mmu).
Sekgatshi se se ke sa phepafadiwa le go tlamelwa sentle morago ga setlha se se fetileng - dithibano tse di farologaneng di ka diragala, gammogo le jego ka ntlha ya dikhemikale tse di saletseng mo sekgatshing.
Dikhemikale dingwe di tlhoka pula morago ga kgatsho gore di nonofe - fa go se na pula gona ga di ne di dira.
Paka e e mogote thata le go oma le yona e ka dira gore dikhemikale di se ke tsa dira.
Pula e ntsi thata morago ga masimo a se na go tlhagolwa e ka dira gore mefero e jalwe sešwa.
Botlhokwa jwa taolomofero ga bo na mafoko a a ka bo tlhalosang - kwa ntle ga taolomofero e e tshwanetseng, thobo e e eletsegang ga e ka ke ya fitlhelelwa. Le mororo go umakilwe mabaka a mantsi mo kgannye e fa godimo gore gore ke eng taolomefero e ka se ke e a nna tlhololo, dintlha tse dintsi di amana le tsamaiso - gongwe go setse go le thari mo setlheng seno, fela dithuto tse di ithutilweng mo setlheng seno di tlaa nna mosola mo setlheng se se tlang. Re tshwanetse ga dira bojotlhe go dira diphoso tse "dintšhwa" fela ka go ithuta mo diphosong tsa rona tsa monongwaga le go dira dipaakanyo tsa isagwe.
<fn>PulaImvula. Weeds.2008-04.tn.txt</fn>
Mmaba yo o setlhogo wa moemi ke mofero mme mo lenaneong la tlhabololo la rona re sweditse gore o, ke ngwaga wa go bolotsa ntwa kgatlhanong le yona!
Mo dikgaolong tse dintsi koo go ntshiwang dijalo tsa selemo teng seno e ntse setlha sa ntshodikuno se se siameng thata. Bomadimabe ke gore fa maemo a siametse dijalo, fela jalo a siametse le mefero. Monongwaga go ntse le masimo a go ntseng bokete go bona dijalo mo gare ga mefero mme tatlhegelo e se se e lereng mo moleming e tlhomola le moloi pelo. Mo dingwageng tse di mmalwa tse di fetileng balemi ba gogile bokete e bile go ntse bokete go dira poelo - ga re kitla re kgona go latlhegelwa ke dithoro go sa tlhokege.
O ka gakgamala gore keng go tlhokega go tshwenyega ka mefero mo go moranang. Gajaana, go tlaa bo go se mosola go lekalo go laola mofero mo dijalong tsa gajaana gonne e setse e dirile tshemnyo (hwa ntle ga go e thibela go ungwa go kgotlela masimo mo ngwageng o o tlang). Fela le gale go lwantsha mmaba ka botlalo, o tlhoka go itse mmaba - ga o ka ke o a lwantsha selo se o sa se itseng e bile o ka se ke oa se lemoga. Nako e ke yona tota nako e e siameng go tsamaya mo masimong a gago go bona gore ke mefero efe e e tlhogang moo - mefero e e leng foo jaanong jaana e tlaa bo e le teng le ngwaga o o tlang (le ngwaga morago ga yona fa o sa tsee dikgato tse di gagametseng go e laola).
Tshwaya gore ke mefero efe e e tlhagelelang thata mo masimong afe.
E intsifatsa jang - a ke ka peo, kgotsa medi, kgotsa digwere, jj.
Ke tsela efe e e gaisang go fedisa mefero eo mo dijalong (thefosanyodijalo taolo ka metšhine kgotsa taolo ka dibolayatlhatshana)?
Mefero e e ka tlhaselwa ka paka efe ya ngwaga e ka nna mariga pele o jala sejalo se se latelang?
Ke dikhemikale dife tse di kwadiseditsweng go dirisiwa mo meferong eo?
Dikhemikale tse di ka tshelwa leng mo meferong kgotsa mo mmung?
Fela fa o setse o na le tshedimosetso yotlhe ka ga mefero e e leng bothata jwa gago, o tlaa bo o le mo maemong a a botoka go e laola setlha se se latelang - nna o le malalaalaotswe gore o tle o fenye ditlhabano, kwa bofelong o fenye ntwa!
<fn>PulaImvula. Weeds.2009-11.tn.txt</fn>
Semela sengwe le sengwe se se tlhogang fa se sa batlegeng kgotsa eletsegeng teng se ka bidiwa mofero. Mefero ke mmaba wa montshadikunothoro - e gaisanela bongola, lesedi le dikotla, e tlhola mathata ka nako ya thobo, e ka leswefatsa kgotsa ya senya mmala wa dithoro, peo ya yona e ka nna botlhole e bile e ka fitlha disenyi le malwetse a a ka amang dijalo tse di ikaeletsweng.
Mefero gantsi e itsege ka ntshopeo e e bonako le e ntsintsi, e anama ka bonako le go gola ka bonako. Gantsi e na le thulaganyomedi e e nonofileng sentle, mme e inyalantsha le maemo a mantsi. E bokete go laolwa, e thata mme e gaisanela ka bogale bongola le dikotla mo mmung le dijalo. Gale mefero e butswa e sa le mennye thata ka jalo e ungwa le go ata ka bonako.
Medi ya mefero gale e tsenelela kwa tengteng le ka go ikala go na le medi ya dijalo, ka jalo e kgona go falola bonolo. Mefero ya motlhogelaruri gantsi e na le dipolokelo tsa dijo tse dintsi thata mo dikarolong tsa yona tse di ka fa tlase ga lefatshe - gape se se e kgontsha go emelana le maemo a a bokete a kgolo.
Mefero e ka digela modikotshelo wa yona kwa tlase ga o le mongwe fela - kgotsa mo setlheng (yona e bidiwa mefero ya sengwaga), kgotsa e ka tshela go feta ngwaga fela e seng go feta ngwaga tse pedi (yona e bidiwa mefero ya sengwagapedi), kgotsa e ka tshela lobaka lo loleele le go tsala ngwaga le ngwaga (yona e bidiwa mefero ya motlhogelaruri).
Ke eng se se botlhoka go laola mefero mo dijalong?
Mefero e gaisanela bongola jwa mmu, dikotla, sebaka sa lesedi, le dijalo. Kgaisano e e kgoreletsa kgolo ya dijalo le go dia go gola, ka jalo e fokotsa thobo ya dijalo. Kgaisano e e ka tlhola kgotlelego ya peo ya dijalo, thobo e e fokotsegileng kgotsa phokotsego mo bolennye jwa peo ya dijalo. Kgaisano e e dirwang ke mofero e farologana go ya ka sejalo le sejalo, le ka mofero le mofero - e ka tlhola bonnye phokotsego ya thobo ya dijalo ya 10% kgotsa bogolo jwa 98%.
Mefero e simolola go gaisana le dijalo fela fa e setse e dirile thulaganyo ya medi ya leruri - fela fa e setse e fetile kgato ya botlhogela. Taolomofero e tshwanetse e totisiwe go thibela kgaisano le dijalo, gammogo le go thibela mofero go dira peo, ka go dira jalo o ipaakanya sentle go gaisana le sejalo se sengwe mo nakong e e tlang.
Go na le mekgwa e megolo ya taolomofero e le mebedi - wa semotšhine le wa sekhemikale. Mo mabakeng a le mantsi tlhagolo e le yosi, kgotsa kopanyo ya dibolayatlhatshana le tlhagolo, e ka nna thulaganyo ya seikonomi e e botoka go e dirisa. Tlhopho ya mokgwa e tlaa ikaega ka thato, maitemogelo le kitso ya montshadikuno, gammogo le go nna teng ga badiri, diterekere le didiriso - bogolosegolo ka nako ya go jala le fela fa morago ga foo.
Tsamaiso ya mofero e tshwanetse go tsewa jaaka karolotlhogelelo ya temommidi mme e tshwanetse go tsewa tsia ka nako ya temommu, paakanyo ya boalopeo, jalo le ka dikgatokgolo tsa dijalo.
Taolomofero ya semotšhine e akaretsa go sega mefero, go thiba mefero go ungwa, kgotsa sa botlhokwa thata go kumola mofero o dirisa terekere le sediriso se se maleba. Taolomofero ya semotšhine e maleba thata pele ga jalo (go tshola tshimo e le phepa) le ka nako ya dikgato tsa pele tsa kgolo ya sejalo. Go botlhokwa go laola mefero fa e sa le menana le go thibela kgaisanelo ya bongola jwa mmu, gammogo le fa dijalo di sa le dinana, e le go netefatsa gore go tlhagola ga go senye medi ya dijalo. Mefero e e itshetletseng e na le thulaganyomedi e e godileng sentle mme taolo e e nonofileng ya semotšhine ya yona e tlaa tshwanela go tsenelela mme e ka senya medi ya dijalo.
Go na le diedi, dithoro le digase tsa sekhemikale tse di ka dirisiwang go laola mofero. Selekanyo se se nepagetseng le teponako e e tshwanetseng mo tirisong ya dibolayatlhatshana ke ya botlhokwa thata.
Dikhemikale di ka farologantshiwa jaaka dibolayatlhatshana tse di tlhophang le tse di sa tlhopheng. Dibolayatlhatshana tse di sa tlhopheng di bolaya semela sengwe le sengwe se di amanang naso, fa e le gore sebolayatlhatshana se se tlhophang se tlaa bolaya fela mofero o o rileng kwa ntle ga go ama dijalo gotlhegotlhe. Dibolayatlhatshana tse di sa tlhopheng di ka tshelwa fa gare ga mela ya dijalo ka go dira jalo tsa bolaya mefero kwa ntle ga go tshwaetsa dijalo.
Dibolayatlhatshana di sa ntse gape di dira ka ditsela tse di farologaneng di le pedi - dingwe di dira ka go ama (kgoma) fa dingwe di dira ka go monyela. Dibolayatlhatshana tsa kamano di tshwaetsa ditogwa tsa semela se di amanang naso; jalo go bona dipholo tse di gaisang, go tlhokega kolobetso e e tseneletseng. Tsona di dira sentle thata mo meferong e mennye kgotsa menana. Dibolayatlhatshana tsa monyelo di tsamaisiwa ka fa gare ga semela, ka jalo le fa se kgatshitswe fela mo matlhareng, medi le yona e ka tshwaediwa.
Dibolayatlhatshana gape di ka farologantshiwa go ya pele ka ya pele ga tlhogo (pele dijalo di tlhagelela fa godimo ga mmu); le morago ga tlhogo (morago ga dijalo di sena go tlhagelela fa godimo ga mmu). Dibolayatlhatshana tsa pele ga tlhogo di monyelwa ke kholiophothaele kgotsa medi e e golang, fa e le gore dibolayatlhatshana tsa morago ga tlhogo di monyelwa ka matlhare le dikutu.
Mo ditlheng tse go tsopotlegang fa go le dithetse thata go ka tsena ka terekere mo masimong, taolomofero ya sekhemikale ke yona e nonofileng thata (terekere ka sekgatshi e ka tsena mo tshimong ka bonako go na le terekere e e gogang setlhagodi).
<fn>PulaImvula. Wheat.2007-12.tn.txt</fn>
Ka go buisa Pula - Imvula e, o tshwanetse wa bo o itse ka ga Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA. Mo nakong e e fetilng, lenaneo le le ne le tlamelwa ka matlole a otlhe fela ke Maize Trust, mme ka ntlha ya seo re ne kgona fela go g atisa dikgang tse di amanang le Mmidi.
O ka bo o lemogile gore fa gautshwane jaana re tsentse dikgang ka Dipeo tsa Oli mo makasineng o - se ke ka ntlha ya tlamelo ka matlole go tswa go Oil and Protein Seeds Development Trust. Jaanong re itumetse go feta go ka go itsise gore re kgonne go bona matlole go tswa go Winter Cereals Trust, mme go tswa mo kgatisong e ya Sedimonthole, re tlaa bo re na le tlaleletso ya kgweditharo ya Pula - Imvula e e tlaa bong e na le dikgang ka Ntshodikuno ya Korong mo dikgaolong tsa pula ya selemo.
Gajaana re tlaa gatisa tlaleletso e fela ka Seesimane le Sesotho mme e tlaa tsenngwa mo phasalatsong ya gale ya lenaneoina ya Pula-Imvula mo Foreisetata. Mo kopong ya rona go Winter Cereals Trust, re kopile diporojeke di le mmalwa go thusa bantshadikuno ba korong ba ba tlhabologang mo Foreisetatabotlhaba le Bogare. Re tlaa jala ditekelelo tsa ditshupo di le pedi - e le nngwe kwa Modderpoort, gaufi le Ladybrand, e le tsa balemi mo kgaolong ya botlhaba mme e nngwe kwa Glen, gaufi le Bloemfonein e le ya balemi ba kgaolo ya bogareng.
Maitlhmo a ditekelelo tse e tlaa bo e le go supetsa balemi mekgwatiriso e e gaisang - mekgwatshugo e e nepagetseng ya tshomarelo e e kwa godimo ya bongola mo dikgweding tsa selemo, tlhopho ya mofutapeo, palopalo ya dimela, nontsho le taolo ya mefero le disenyi. Malatsi a Balemi a le mabedi a tlaa tshwarelwa kwa ditekelelong tsa tshupetso - go siame go utlwa ka dilo, fela go di bona gona ruri ke go di tlhaloganya.
Le fa e bile go na le dikwalo tse dintsi tse di amanang le ntshodikuno ya korong mo dikgaolong tsa pula ya selemo, re tlaa rulaganya kaedi e e kgethegileng ya balemi ba ba tlhabologang mo kgaolong. Tsepamisomogopole e e kgethegileng ya kaedi e, e tlaa bo e le ka mokgwatiriso wa tshomarelo ya bongola - ntlha ya botlhokwatlhokwa mo ntshodikunong ya korong mo kgaolong ya pula ya selemo. Kaedi e sa ntse gape e tlaa nna le dikgaolo ka mmu, semela sa korong, tlhokego ya dikotta tsa korong, dithekeniki ya go jala tse di tlaa akaretsang tlhopho ya mofutapeo gammogo le palopalo ya dimela le matlhajalo, taolomofero mo dijalong tse di golang, taolodisenyi, taolomalwetse gammogo le thobo, peseemo le thekiso.
Go kgona go direla balemirui sentle ka botlalo, re tlaa tlhoma ditlhophathutano di le nne tse di totileng ntshodikuno ya korong. Ditlhophathutano tse di tlaa kopana kgwedi le kgwedi, mme mo dipitsong dintlha tsotlhe tse di maleba tsa kgwedi eo e tlaa nna ditlhogo tsa puisano.
Re motlotlo thata go newa tšhono go direla balemi ba korong kwa Foreisetata mme re bonela pele tirisano e utlwalang le balemi, dikgwebo tsa temothuo gammogo le Small Grain Centre mo Bethlehem.
<fn>PulaImvula. Year.2007-12.tn.txt</fn>
Photo: Kopana le setlhopha sa Bothaville sa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA: Go tswa molemeng ke: Jane McPherson, (motsamaisilenaneo), Willie Kotzé (mogokaganyi wa katiso le tshedimosetso), Debbie Nel (mothusi mo ofising) Jenny Mathews (Motsamaisikhuduthamaga: Grian SA) le Nico Vermaak (motsamaisi: Ditirelo tsa Bokoporasi, Grain SA).
Re tile kwa bokhutlong jwa paka ya thuso ka maltlole le ngwaga wa matlole o mangwe wa Lenaneotlhabololo la Balemi la Grain SA. Tiro yotlhe e e dirilweng monongwaga ke dipholo tsa tlamelo ka matlole eo lenaneo le le e amogetseng go tswa go ba Maize Trust mme go tlhokega gore re lere malebogo a rona, gammogo le ditebogo go tswa go ba ba tswetsweng ke lenaneo le mosola.
No lenaneong la rona, re dira ka nat go tsaya balemirui go tswa mo seemong sa gajaana, se se farologanang go ya ka molemirui go ya molemiruing yo mongwe, go mo isa kwa seemong se se eletsegang sa molemirui wa mogwebi, yo o ikemetseng le yo o tswelelang. Diporojeke tse di farologaneng mo lenaneong le di tlhametswe go samagana le ditlhokego tse di farologaneng tse ditlhopha tsa bolemirui tse di farologaneng.
Sit die Engels is.
Lenaneo le sa ntse le tsamaisiwa go tswa Bothaville. Mo popegotheong ya thulaganyo ya Grain SA, lenaneo le wela mo karolong ya Ditirelo tsa Bokoporasi, e e laolwang ke rre Nico Vermaak. Batlhankedi ba bangwe mo lenaneong ba eme jaana.
Setlha sa selemo se se sa tswang go feta se ne se le se se bokete mo go maswe ka ntlha ya leuba le le boitshegang le le neng le aparetse dikgaolo tse dikgolo tsa pula ya setlha sa selemo - balemi bangwe ba paletswe ke go jala gotlhelele, bangwe ba jetse mme ba batile ba sa nne le sepe go se roba, fa dikgaolo di le mmalwanyana di ntse le maemo a tlwaelo. Go le gontsi balemi ba jala dijalo ka madi a kadimo - e ka nna go tswa mo dibankeng kgotsa dikgwebo tsa temothuo (old Co-ops) - tota ke balemirui ba ba mmalwa ba ba tsayang inšorense ya ditsenngwateng ka gore dielopoelo mo ntshodikunong ya dijalo di kwa tlase thata mme ba leka go tshola ditshenyegelo di le kwa tlase ka fa go kgonegang ka teng.
Mo setlheng se tshwana le se go na le balemi ba bantsi ba ba sa kgoneng go duela dikadimo tsa bona tsa ntshodikuno mme ka jalo ga ba kgone go fitlhelela thuso go ka jala sejalo se se latelang. Fa motho o dira ka balemirui ba ba tlhabologang ba fa gongwe ba se nang dipolokelo tsa khepetlele, ngwaga o o tshwanang le setlha se se fetileng se, ke matlhotlhapelo mme tswelelopele go fitlhelela kgwebofatso e ka kgoreletsega.
Lenaneo la balemirui le le tsweletseng le tswelela sentle mme re setse re tshwaretse setlhopha se se tlhophegileng sa balemi ba Khoso ya Kgwebo ya temothuo. Neelo ya khoso e mmogo le tiragatso ya tiro ya morago-ga-khoso e tsewa jaaka kgato ya bofelo ya lenaneo, e ree tsayang le molemi go ya kgwebofatsong. Khoso e e kokoanya mmogo tshedimosetso yotlhe e e fitlhelwang mo dikhosong tse dingwe, mme e totile go tsepamisa molemi mo dikgaolong tsa botlhokwa tsa tiragatso tse di tlaa mo kgontshang go tsepamisa mogopolo mo kgatong nngwe le nngwe ya tirego ya ntshodikuno ka nako e e nepagetseng mo diemong tse di nepagetseng.
Lenaneokatiso la rona monongwaga le ntse le tiro e ntsi go feta - go feta dikhoso tse 80 go tswa tshimologong ya Diphalane 2006 go ya 30 Lwetse, 2007. Dikhoso di tswelela go amogelwa sentle thata, dipego go tswa baleming di siame, mme gantsi ba batla dikhoso tse dingwe go ya pele. Re neela dikhoso go tloga ka Tlhakole go ya Ngwanaitseele ngwaga le ngwaga, ka dinako tse dingwe balemi ba theogetse thata mo masimong mo ba sa kgoneng go tsenela dikhoso. Mo dikgweding tsa selemo se, re tsepamisitse thuto mo ditekong tsa ditshupetso, dipitso tsa ditlhophathutano, le kemonokeng mo baleming ka bongwe le ka sebele. Re santse gape re ntse le tsibogo e e nametsang go tswa mo balemising ba Lefapha la Temothuo mme re solofela go tswelela mo pakeng ya matlole e e tlang e mo go yona re tlaa kgonang go ba thusa ka dikhoso tsa tekelelo - tiragatso ya tiori mo masimong ke tlhaelo e kgolo mo balemising ba.
Re tswelela go gasa mo diradiong tse nne, Lesedi, Motsweding, Ligwalagwala le Umhlobo Wenene - se se sala go nna tsela e e gaisang go kopana le balemirui - e seng fela mo phetisong ya thekendoji, fela gape le go itsise balemirui ka ditiro mo lenaneong.
Pula-Imvula e a tswelela - ke nngwe ya diporojeke tse di rategang mo lenaneong le mme e bile ga re ke re tlholega go ipelela makasine o o weditsweng. Go na le batho ba le mmalwa ba ba tshwaelang mo tiregong yotlhe - badiredi ba ARC-GCI kwa Potchefstroom, bafetoledi ba ka gale ba nnang mo kgatelelong go fetsa tiro ka nako e e beilweng ka kgagamalo, badiredi kwa Infoworks (barulaganyi le baphasalatsi) bagatisi le baromedi - se ka kgwedi le kgwedi. Pula-Imvula, e amogelwa sentle thata nme bobuisi bo tswelela go oketsega - re setse re fetile dikhophi di le 16 500 ka kgwedi mme lenaane le tswelela go oketsega.
<fn>PulaImvula. Year.2010-01.tn.txt</fn>
Jaaka batlhankedi mo Lenaneotlhabololong la Balemirui la Grain SA, re tshegofetse le go tlotlomala go nna karolo ya se re dumelang fa se tlaa dira pharologanyo mo tiregong ya phetogo ya temothuo mo Aforikaborwa. Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA, le itlamile go tlhagisa bantshakuno ba bagwebi ba bantsho ba ba nonofileng le ba ba itshegeleditseng.
Madirelo a dithoro, bogolosegolo bantshakuno, ba šebane le metlha e e gwetlhang. Re šebane le kabosešwa le pusetso ya lefatshe, re tshwanela go gaisana le ditlhotlhwa tsa dithoro tsa lefatshe, re mekamekane le ditlhotlhwa tsa ditsenngwateng tse di kwa godimodimo le tse di sa gaisaneng le boditšhaba; e bile re lema mo nageng e e kgwatata, e gape e itemogelang ditshwaetso tsa kgotelo ya lefatshe go ya ka dipaterone tsa maemo a loapi. Ka kakaretso ga re tlhaele dikgwetlho - mme bogolo re tlhaela ditharabololo!
Re tshwanela go tswelela go bala masego a rona mo lenaneong - re na le setlhopha se se gakgamatsang sa batho. Re tshwanetse go simolola ka ditokololo tsa botsamaisi jwa Khuduthamaga ya Grain SA, Modulasetilo wa rona Mme Jenny Mathews ke motho yo o kgonang, le yo o tshwarang ka diatla le yo o tshegetsang badiri. Re ne ra tshegofala monongwaga go nna le Rre Schalk Viljoen go tswa Kapabophirima yo o itetlileng go direla mo setlhophatirong sa rona. O ne gape a tlhopiwa jaaka motlatsamodulasetilo wa komiti. Re itumetse thata, go nna le Schalk Viljoen le Andries Theron, bobedi jo bo tswang Kapa mo komiting ya rona, gonne ba tlisa dikakanyo tse dišwa le molebo o mongwe mo tlhabololong ya montshakuno. Re na le ditokololo tse dingwe tse di ikanyegang le boineelo mo Setlhophatirong sa rona. Rre Gert Pretorius go tswa Lichtenburg, Rre Moss Malo go tswa Delareyville, Rre Jabulani Zitha go tswa Nigel, Rre SK Makinana go tswa Ugie le Rre Papi Nkosi go tswa Hazyview.
Monongwaga, re itumela thata gape gore Rre Karabo Peele a bo a le karolo ya setlhophatiro. O emetse Maize Trust, moetleetsi wa rona yo mogolo. Re kgonne go kgwedisa rre Dirk van Rensburg, tokololo ya maloba ya komitikhuduthamaga, go tswelela go nna tokololo ya setlhophatiro. Dirk ke montshakuno yo o boineelo thata le yo o tshwarang ka diatla go tswa Arlington, mme re lebogela go itetla ga gagwe go re ema nokeng ka lenaneotlhabololo le.
Mabapi le batlhankedi, re godisitse porojeke go nna le batlhankedi ba leruri ba le 17, le ba bangwe ba le 13 ba ba dirang ka konteraka. Tekanyetsokabo ya lenaneo lotlhe e ka nna R14m. (dingwaga tsa matlole tsa diporojeke tse di farologaneng di farologana le ngwaga wa matlole wa Grain SA, se se dirang palo e go nna phopholetso e e gaufi tota). Mo Bothaville re na le Jane McPherson (Motsamaisalenaneo), Dr Willie Kotzê (Moitseanape: Katiso le Tlhabololo), Rre Danie Van den Berg (Moitseanape: Ditirelo tsa kwa ntle), Mme Debbie Boshoff le Mme Annemarie de Beer (badiredi ba tsa tsamaiso).
Mo ngwageng o o fetang o, re maswabi go laelana le Mme Jacinta Motloang go tswa ofising ya Ladybrand, o o boneng tiro ya borutabana kwa Manyatseng, le Rre Piet Potgieter yo o ileng kwa VKB, go etelela karolo ya tlhabololo ya bantshakuno ya bona pele. Re itumelela go dira le Piet Potgieter ka botsalano mo maemong a gagwe a mašwa. Re itsaya jaaka karolo ya setlhopha sa tlhabololo se segolo mo Aforikaborwa le go ja monate go dira le batho ba ba aroganang tebelopele ya tlhabololo ya rona le rona.
Rre Jan de Villiers wa Ficksburg, o dumetse go tsamaisa porojeke ya Winter Cereals Trust kwa Foreisetatabotlhaba. Jan ke montshakuno yo o rotseng tiro le yo o tumileng thata le yo o nang le khumo ya maitemogelo e e boitshegang mo temong ya korong (gareng ga tse dingwe), yo o nang le pelo ya go fetisetsa se a se itseng go matlafatsa montshakuno. Rre Arthur Clayton go tswa Sannieshof o tswelela go ikarabela mo tsamaisong ya porojeke ya Mabele.
Lenaneo lotlhe le le etleediwa ke Grain Trust, Maize Trust, Winter Cereals Trust, Oil and Protein Seed Development Trust, le Sorghum Trust. Tshwaelo e e dirwang ke diterasete tse e a boitshega. Kwa ntle ga tsona go ka bo go diragala go le gonnye thata mo mofameng wa tlhabololo ya montshakuno wa dithoro. Re sa ntse gape re tlisa malebogo a rona ka tshwaelo e e duleng diatla e - re ba netefaletsa go dira ka boineelo jwa rona mo tlhabololong ya montshakuno.
<fn>PulaImvula. YearMaize.2008-12.tn.txt</fn>
Byline: Jane McPherson, Motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA.
Re sa ntse gape re tlile kwa bokhutlong jwa ngwaga o mongwe wa katlego wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA. Tiro yotlhe e e dirilweng monongwaga ka dipholo tsa tlamelo e e duleng mabogo ka matlole e lenaneo le le e amogetseng go tswa Teraseteng ya Mmidi (Maize Trust).
Jane McPherson le Willie Kotzé, go tswa ntlokgolo ya Grain SA kwa Bothaville, ke bona ba tsamaisang Lenaneotlhabololo la Balemirui. Phatlhalatso ya tlaleletso ya "Moitseanape: Ditirelo tsa Ketelo" (Field Services) e ne ya tlhamiwa mme ga tlhomiwa Danie van den Berg mo go yona. Danie o itsege thata mo porojekeng e mme o ntse a dira katiso e e manontlhotlho mo dingwageng tse tharo tse di fetileng. Danie, o dirisa nako ya gagwe e ntsi mo go tsamaiseng badiredi ba ba dirang kwa ntle - bagokaganyi ba tlhabololo ba diporofense. Lenaneo 1, le supa badiredi ba bangwe ba ba amegang mo porojekeng e.
Mo dikgaolong tsa bogwebi jo bogolwane, re tsepamisitse mogopolo thata mo bantshadikunong ba ba godileng kgotsa tsweletseng, gonne re dumela gore go fitlhelela maikaelelotheo a rona a "Go tlhabolola bantshadikuno ba bagwebi ba bantsho ba ba nang le bokgoni" re tlhoka go senya nako e ntsi le go naya tlhokomelo ya sebele mo bantshadikunong ba ba setseng ba le mo tseleng ya go nna bagwebi. Mo dikgaolong tsa bogwebi jo bo kwa tlase, re tswelela go tsepamisa mogopolo mo ditlhophathutanong, e e leng yona tsela e e ditshenyegelopotlana ya go direla palo e kgolo ya bantshadikuno.
Lenaneokatiso le tswelela go atologa - ka dikhoso tse dintsi, gammogo le patlego e e tswelelang go oketsega ya dikhoso.
Re sa ntse gape re leboga le Terasete ya Mmidi ka botswapelo ka kemonokeng e e tswelelang ya lenaneo le - re dira e bile re tlaa tswelela go dira bojotlhe go tsamaisa lenaneo le ka nonofo, le go neela bantshadikuno kemonokeng e e duleng mabogo. Re tota re itumelela tšhono e re e newang jaaka setlhopha sa tlhabololo.
<fn>PulaImvula. Yellow(maize).2011-03-14.tn.txt</fn>
Go reng dijalo di hibila mo ditlheng tse di kgobotlegang?
Caption: Maemo a petometsi a ama tirego ya pholo ya dimela tse dintsi.
Mohisetori wa Moesemane, H.G Williams o kile a re hisetori ya batho ke mokato magareng ga thuto le masetlapelo. Mo bantshakunong ba dijalo mo dikgaolong tsa pula ya selemo mo Aforikaborwa, bogolosegolo ba ba nnang mo dikarolong tsa dikakgwatata mokato o ke nnete ya letsatsi le letsatsi.
Mekgwatiriso ya ntshokuno ya dijalo mo dikgaolong tsa sekakgwatata e nyalantswe go thibela matshosetsi a a agang a le teng, e leng komelelo. Re dira se ka go tsietsa kgotlhagano ya dimela, go dirisa ka botlalo ditsenngwateng tsa monontsha go ya thobo ya pakatelele, ditiro tsa temommu go boloka metsi bogolosegolo go oketsa monyelo, go dirisa matlhajalo ka botlalo le go tlhopha mefutapeo e e nyalantsheditsweng komelelo, jj. Mefutapeo e e wela mo setlhopheng sa kakaretso sa dimela tse di bidiwang dimesofaete (mesophytes) tse di golang botoka mo mebung e e bongola fela e e marose go tsenya mowa. Medi ya tsone e nyalantswe sentle thata go tlhotlhomisa mothamo wa mmu go batla metsi le dikotla, sekao, medi ya mmidi e tlaa tsenelela mmu ka kelo ya 24 mm ka letsatsi, go fitlhelela makesimamo ya boleng kwa 2 - 2,4 m, go ya fela ka dikarolopopego tsa mmu.
Kgolomedi e ka kgoreletswa kgotsa emisiwa setlhogo thata ke pula e e feteletseng jaaka go ntse mo setlheng sa gajaana, koo dijalo di jetsweng ka Sedimonthole le Ferikgong. Pula e ntsi thata mo mebung e e minyegang metsi bokoa e tlaa tlhola go betagana ga metsi mo mebung go fitlha seelo se a tlaa ntshang le go emela mowa mo go yona. Tirego ya sebopego sa botlhokwa ya ntlha e e tlaa amegang bosula thata ke khemo ya medi, dimela di tlhoka go nna le dilekanyo tse di rileng tsa mowa (okosijene) go tlamela medi ya tsona. Babatlisisi ba bontshitse ka ditekelelo (experiments) gore mo maemong a peto e e feleletseng, kgolomedi e ka khutla mo metsotsong e sekae. Fela le gale, dimela di farologana go ya ka kemelano le maemo a petometsi. Sekao, dihaeterofaete (reisi) di inyalantse sentle go fenya maemo a peto mo mmung. Fela gape dimela tse di tlaa swa mo maemong a mebu e e marose go tsenya mowa. Medi ya dimela tse di bosisi mo maemong a peto, jaaka monawa (dinawa tsa soya etc) di swa morago ga malatsi a le mmalwa a morwalela. Ditshupo tsa ntlha tsa tshenyo ka petometsi di ka bonala morago ga diura tse 24, bogolosegolo mo malatsing a a bothitho letsatsi le tlhabile.
Fa khemomedi e thibetswe, ditiro tse dingwe tsa botlhokwa jaaka kgolo, monyelo ya metsi le dikotla le tsona di a tshwenyega. Le mororo metsi e le maphatšhaphatšha dimela ga di kgone go monyela metsi le dikotla. Go ikaegile go ya ka kgato ya kgolo, ditshupo tsa dimela dingwe di a bonala. Sekao, fa khemomedi e fokotsega ka nako ya mmidi o sa ntse o gola, go monyelwa ga metsi go tlaa fokotsega thata, go go tlaa amang monyelo ya dikotla. Tshupo e e bonalang bonolo thata ke go setlhefala (hibila) ga matlhare ka ntlha ya kwelotlase ya diteng tsa tlelorofile. Se ke bogolo ka ntlha ya tlhaelo ya naeterojene go tswa matlhareng a magologolo go ya matlhareng a mannye go tlamela kgolo. Petometsi e e tswelelang kwa bofelong e tlaa isa kwa go fokotseng kgolo ya letlhogela le tatlhegelo ya thobo.
<fn>PuoYaGae.txt</fn>
Lefapha la Thuto le motlotlo go tlhagisa Kemo e e Tlhabolotsweng e, ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba Dikereiti R - 9 (Dikolo), ka dipuo tsotlhe di le 11 tsa semmuso tsa Aforika Borwa.
Tiragalo ya go ranolela le go fetolela ke e e matswakabele le e e gwetlhang. Mo mabakeng a le mantsi, mareo le mmuo wa kharikhulamo o ne o tshwanetse go bopiwa ke batho ba ba neng ba dira ka dibukana tse. Dibukana tse, di lekeleditswe mo badirising ba bomankge mo maphateng a a farologaneng.
Lefapha la Thuto le tsaya dibukana tse jaaka tshimologo ya tiragalo ya go nonotsha le go tsweletsa dipuo tsa rona. Re amogela le go rotloetsa badirisi ba dibukana tse, go di dirisa jaaka motheo wa tswelelopele e e tswelelang.
Lenaane la Metswedi le neelana ka bobedi jwa Lenaanefoko la kakaretso la Kharikhulamo le Tlhatlhobo mmogo le Lenaanefoko le le kgethegileng la Karolothuto.
Mmele wa buka e, o kgaogantswe ka dikgaolo di le mmalwa. Go na kgaolo e le nngwe mo Dikgatong dingwe le dingwe tsa Sekgamu sa Thuto-Kakaretso le Katiso, e bong - Kgato ya Motheo, Kgato ya Magareng, Kgato e Kgolo. Nngwe le nngwe ya dikgaolo tse, e na le karolo ya matseno a makhutshwane, e e latelwang ke Dielo tsa Tlhatlhobo tsa Kgato. Go na gape le kgaolo ka ga tlhatlhobo ya moithuti.
Dielo tsa Tlhatlhobo tsa Kgato nngwe le nngwe di tlhagisiwa ka mokgwa o o kgontshang go latela tatelano. Se, se raya gore Dielo tsa Tlhatlhobo tse di tshwanang mo kereiting nngwe le nngwe di bapantswe gore morutabana a kgone go bapisa tatelano mo tsamaong ya dingwaga. Se, se ka tlhola diphatlha felo gongwe, ka ntlha ya fa Seelo sengwe le sengwe sa Tlhatlhobo se ka seke sa nna le le se se ka bapisiwang le sona, mo Kereiting nngwe le nngwe.
Dikai-tshwantsho dingwe di a dirisiwa go ralala buka e, go kaela mmuisi go bona tshedimosetso e a e tlhokang.
Tsepamiso 63 Mefuta e e farologaneg ya meraba 63 Ditiro tsa go ithuta tse di lomaganeng 63 Diteng tsa mefutafuta tse di anameng.
Molaotheo wa Repaboliki ya Aforika Borwa, 1996 (Molao 108 wa 1996) o neela motheo wa tlhabololo le tsweletso ya kharikhulamo mo Aforika Borwa wa ga jaana.
Alafa dikgaogano tsa maloba le go tlhoma setšhaba se se theilweng mo dielong tsa temokerasi, ditsamelo tsa loago le motheo wa ditshwanelo tsa botho.
Tokafatsa boleng jwa matshelo a baagi botlhe le go golola bokgoni jwa motho mongwe le mongwe.
Ala metheo ya setšhaba sa temokerasi se se mo phatlalatseng, se mo go sona puso e theilweng mo keletsong ya batho, le baagi botlhe ba sireleditsweng ke molao ka go tshwana.
Aga Aforika Borwa o o kopaneng wa temokerasi o o kgonang go tsaya boemo jwa gagwe jaaka naga e e ipusang mo tshikeng ya ditšhaba.
Thuto le kharikhulamo di na le seabe se se botlhokwa mo go fitlheleleng maikaelelo a.
Thuto-tota-dipoelo ke motheo wa kharikhulamo mo Aforika Borwa. E ikaelela go kgontsha baithuti botlhe go fitlhelela dikgono tsa bona tse di kwa godimo. Se e se dira ka go tlhoma dipoelo tse di tshwanetseng go fitlhelelwa kwa bofelong jwa tiragalo.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba e agile Ditlhagiso tsa Dipoelothuto tsa yona tsa Sekgamu sa Thuto-Kakaretso le Katiso sa Dikereiti R-9 (Dikolo) mo dipoelong tsa botlhokwa le tsa kgolo tse di tlhotlheleditsweng ke Molaotheo le go tsweledisiwa mo tiragalong ya temokerasi.
Supa go tlhaloganya botshelo jaaka ngatana ya dithulaganyo tse di golaganeng ka go lemoga gore bokaelo jwa tharabololo ya mathata ga bo nne bo le bosi, bo maphataphata.
Merero jaaka lehuma, go tlhoka tekatekano, lotso, bong, bogolo, bosaitekanele le dikgwetlho jaaka Lebolelamading/Phate (HIV/AIDS) di fokelela boemo le tsela e baithuti ba nnang le seabe mo thutong. Kemo ya Kharikhulamo e e Tlhabolotsweng ya Bosetšhaba Dikereiti R - 9 (Dikolo) e tsaya molebo wa boakaretsi ka go totobatsa bonnye ditlhokego mo baithuting botlhe. Ditlhagiso tsa Dikarolothuto tsotlhe di leka go bopa temogo ya kgolagano fa gare ga dithwanelo tsa botho, tikologo e e itekanetseng, thokgamo ya loago le boakaretsi.
Tlhagiso ya Karolothuto nngwe le nngwe e tlhaola Dipoelothuto tse dikgolo tse di tshwanetsweng go fitlhelelwa mo bofelong jwa Kereiti ya 9. Tlhagiso ya Karolothuto nngwe le nngwe e popomatsa Dielo tsa Tlhatlhobo tse di tla kgontshang phitlhelo ya Dipoelothuto. Dielo tsa Tlhatlhobo tsa kereiti nngwe le nngwe di a ranolwa, mme di tlhalosa boteng le bophara jwa se baithuti ba tshwanetseng go se itse le go se dira. Dielo tsa Tlhatlhobo tsa Ditlhagiso tsa Karolothuto nngwe le nngwe di supa ka mokgwa oo tsweletso ya dkakanyo le dikgono dim ka diragalang ka teng mo tsamaong ya nako. Dielo tsa Tlhatlhobo di ka tswakanngwa mo dikereiting le go kgabaganya dikereiti.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba e ikaelela go godisa boitlamo gape le bokgoni mo barutabaneng, ba ba tla bong ba na le maikarabelo a go tsweletsa Manaanethuto a bona. Go tshegetsa tiragalo e, Lefapha la Thuto le tla neelana ka metlhala ya pholesi e e theilweng mo Tlhagisong ya Karolothuto nngwe le nngwe. Diporofentshe di tla tsweletsa metlhala go ya pele, fa go tlhokega go letla bomethalethale.
Metheo le dielo tsa tshimologo tsa Ditlhagiso tsa Dikarolothuto tsa Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba di tiisa Manaanethuto. Fa Dikarolothuto di tlhagisa megopolo, dikgono le dielo tse di ka fitlhelelwang mo seemong sa kereiti ka kereiti. Manaanethuto a popomatsa boatlhamo jwa go rutwa le ditiragalo tsa tlhatlhobo tsa kgato nngwe le nngwe. Manaanethuto gape a na le dišedule tsa tiro tse di neelanang ka lebelo le tatelano ya ditiragalo tse, ngwaga nngwe le nngwe, mmogo le dikao tsa ditogamaano tsa dithuto tse di ka diragadiwang mo nakong efe kana efe.
Mo Kgatong ya Motheo, go na le Manaanethuto a le mararo: Puiso-Kwalo, Dipalo le Dikgono tsa Botshelo. Mo Kgatong ya Magareng, Dipuo le Mmetse di sala go nna Manaanethuto a a ikemetseng. Dikarolothuto tse dingwe di ka tswakanngwa ke dikolo, ka tetlelelo ya mafapha a thuto a porofentshe. Diporofentshe ka botsona, di ka tsweletsa ditshwetso tse di namileng le porofentshe mo go tswakanyeng manaane a mo Kgatong ya Magareng. Mo Kgatong e Kgolo, go na le Manaanethuto a le robedi, a a theilweng mo Dikarolothutong. Neelo ya nako mo Karolothutong nngwe le nngwe e abelwa mo Dikereiting le mo Dikgatong tsotlhe.
Go ya ka Karolo ya Molao wa Bothapi wa Borutabana, , letsatsi le le feleletseng la sekolo la Barutabana ke diura di le supa. Go ya ka Molao wa Pholesi ya Bosetšhaba ya Thuto, , nako e e feleletseng ya go ruta mo bekeng ya sekolo ke diura di le 35.
Lokwalong lwa Dintlha-kakaretso ISBN 1-919917-X, ditsebe 17 & 18.
Kasete ya Mmuso ya Palo ya 23406, Vol.
Tlhagiso ya Karolothuto nngwe le nngwe e akaretsa karolo e e phuthologileng ka ga tlhatlhobo. Boalothulaganyo jo bo theilweng mo dipoelong bo dirisa mekgwa ya tlhatlhobo e e kgonang go amogela mabaka a bokaelo jo bo matswakabele. Tlhatlhobo e tshwanetse go neela ditshupo tsa phitlhelelo ya moithuti ka tsela e e utlwalang le e e nonofileng, le go netefatsa gore baithuti ba ba tswakanya le go diragatsa dikgono. Tlhatlhobo gape, e tshwanetse go thusa baithuti go dira katlholo ka ga bokgoni jwa bone, go tlhama diphitlhelelo ka maikaelelo a tswelelopele le go tsosa kgatlhegelo ya go ithutela pele.
Barutabana botlhe le barutisi ba bangwe ke batsaya-karolo ba botlhokwa mo tlhabololong ya thuto mo Aforika Borwa. Kemo e, e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba ya Dikereiti R-9 (Dikolo), e lebeletse barutabana ba ba nonofetseng go ruta, ba na le bokgoni, ba le boineelo, ba le kutlwelo-botlhoko, le ba ba tla kgonang go fitlhelela diabe tsa bona tse di mo Meetlong le Dielong tsa Borutabana. Se, se akaretsa go nna bat-sereganyi mo thutong, baranodi le batlhami ba Manaanethuto le didiriswa, baeteledipele, balaodi le batsamaisi, baithutedi, batlhotlhomisi le baithuti ba leruri, maloko a baagi, bagae le bagomotsi, balekeletsi le bomankge ba Dikarolothuto kgotsa Dikgato.
Mofuta wa Moithuti yo o Solofelwang.
Tsweletso ya dielo, ga e botlhokwa fela mo tsweletsong ya motho a le mongwe, mme e tshwanetse go tlhomamisa gore sebopego sa bosetšhaba sa Aforika Borwa se agilwe mo dielong tse di farologaneng le tse go neng go theilwe thuto ya apareteiti mo go tsona. Mofuta wa moithuti yo o solofetsweng ke o o tladitsweng ka dielo, e bile e le moithuti yo o dirang ka fa dikgatlhegelong tsa setšhaba se se theilweng mo tlotlong ya temokerasi, tekatekano, botho jwa batho, botshelo le thokgamo ya loago.
Dipuo tse di kannweng ke Lekgotla la Dipuo tsa Aforika Borwa (PANSALB) le Boto ya Aforika Borwa ya Kabo ya Ditefikeiti (SAFCERT) di tshwana le Puo ya Matshwao le Dikai le ya Boreile.
Karolothuto ya puo nngwe le nngwe ya semmuso e tlhagisiwa mo dikarolong di le tharo, e nngwe le nngwe ya yona e nang le bukana ya yona ya: Puo ya Gae, Puo-Tlaleletso ya Ntlha, le Puo-Tlaleletso ya Bobedi.
Mo nageng ya dipuodintsi e tshwana le Aforika Borwa, go botlhokwa gore baithuti ba nne le bokgoni jo bo tseneletseng mo dipuong di le pedi, ba bo ba kgone go bua dipuo tse dingwe.
Karolothuto ya Dipuo e tsamaelang le maikemisetso/pholesi a Lefapha la Thuto a puo-mo-thutong. Maikemisetso a a naya Makgotla-taolo a Dikolo maikarabelo a go tlhopha dipholesi tsa puo tse di tshwanelang maemo a ona, e bile a tsamaelana le pholesi ya mokgwa wa tlaleletso o o isang go dipuodintsi.
Se se raya gore baithuti botlhe ba ithuta puo ya bona ya gae le e nngwe ya semmuso e e tlaleletsang.
Baithuti ba nna le bokgoni jwa puo ya tlaleletso, ba ntse ba babaletse le go tsweletsa puo e ba e buang kwa gae.
Baithuti botlhe ba ithuta Puo ya Seaforika e le nngwe bonnye dingwaga di le thataro kwa bokhutlong jwa Sekgamu sa Thuto-Kakaretso le Katiso. Mo mabakeng a mangwe, e ka ithutiwa jaaka Puo-tlaleletso ya bobedi.
Dielo tsa tlhatlhobo tsa puo ya gae di tseela gore baithuti ba tla sekolong ba kgona go tlhaloganya le go bua puo. Di tshegetsa kgolo ya go itshepa go, bogolosegolo malebana le mefuta e e farologaneng ya litheresi (go buisa, go kwala, go bogela le dilitheresi tsa botlhokwa). Di neelana ka kharikhulamo e e popota go tshegetsa puo ya go ithuta le go ruta.
Puo-tlaleletso ya ntlha e tseela gore baithuti ga ba na kitso epe ya puo e, fa ba goroga kwa sekolong. Baithuti ba kgona go fetisetsa diletheresi tse ba di antseng mo puong ya bona ya gae mo puo-tlaleletsong ya ntlha. Kharikhulamo e naya baithuti ba ba tla dirisang puo-tlaleletso jaaka puo ya ithuta le go ruta mo sebakeng se se rileng mo Sekgamung sa Thuto-Kakaretso le Katiso, tshegetso e e utlwalang. Kwa bokhut-long jwa Kereiti ya 9, baithuti ba ba tshwanetse gobo ba kgona go dirisa puo ya bona ya gae le dipuo-tlaleletso ka nonofo le ka go itshepa mo mabakeng a a farologaneng, go akarediwa le a go ithuta.
Puo-tlaleletso ya bobedi e lebisitswe baithuti ba ba batlang go ithuta dipuo di le tharo. Puo ya boraro e ka nna ya nna puo ya semmuso kgotsa puo esele. Dielo tsa tlhatlhobo di netefatsa gore baithuti ba kgona go dirisa puo go bua mo mabakeng a kakaretso. Di tseela gore go ithuta puo-tlaleletso ya bobedi go tla fiwa nako e nnye go na le puo ya gae kgotsa puo-tlaleletso ya ntlha.
Puo-Tlaleletso ya bobedi.
Re atlanegisa gore puo e moithuti a e buang kwa gae (kgotsa dipuo) e dirisiwe go mo ruta le go ithuta fa go kgonegang. Se se botlhokwa thata mo Kgatong ya Motheo e mo go yona baithuti ba ithutang go buisa le go kwala.
Fa moithuti a tsena sekolo se mo go sona puo ya go ruta le ya go ithuta e leng ya tlaleletso, sekolo le barutabana ba tshwanetse go fa moithuti yoo thuso e e kgethegileng le dithuto tse di okeditsweng tsa puo ya tlaleletso, go fitlha moithuti a kgona go ithuta ka nonofo ka puo ya go ithuta le go ruta.
Dipuo ke dipinagare tsa matshelo a rona. Re buisana re bo re tlhaloganye lefatshe la rona ka puo. Ka jalo, puoe bopa kitso ya rona le borona. Dipuo di dirisediwa maikaelelo a a farologaneng a a tlhagisiwang mo Kemong ya Dikarolothuto tsa Puo.
Tsa sebele - go tsweletsa le go somarela sebone; go somarela dikgolagano mo malapeng le mo setšhabeng; le go itlhabolola ka sebele le go itumedisa.
Tsa go buisana - go buisana sentle le ka nonofo mo maemong kana mabakeng a a farologaneng.
Tsa thuto - go bopa le go tlhabolola didirisiwa tsa go akanya le go batla mabaka, le go tlamela tsela ya go bona tshedimosetso.
Tsa temogo ya bontle - go tlhama, go ranola le go tshameka ka ditlhangwa tsa molomo, tse di bogelwang le tse di kwadilweng.
Tsa setso - go tlhaloganya le go kgatlhegela dipuo le ditso mmogo le boswa jo di bo rweleng.
go ipaya le go baya bangwe mo maemong a a rileng; go somarela, go tlhabolola le go fetola bobone.
Tsa go sekaseka - go tlhaloganya dikgolagano magareng ga puo, maatla le bowena, le go gwetlha tiriso ya tsona fa go tlhokagala; go tlhaloganya phetophetogo ya setso; le go gana go tlhotlhelediwa le go bewa mo maemong a a rileng, fa go tlhokega.
Diponagalo tse di kgethegileng le boatlhamo Karolothuto ya Puo e thusa kharikhulamo jang?
Tlhabolola go buisa le go kwala, tse e leng motheo wa botlhokwa wa dithuto tse dingwe tse di batlang go buisiwa le go kwalwa.
Ke puothuto ya dithuto tse dingwe tsa kharikhulamo, di tshwana le Mmetse le Disaentshe tsa Loago.
Rotloetsa go tlhaloganyana ga ditso, go utlwa gore batho ba bangwe ba akanya jang le go leba setso ka leitlho le lentšhotšho.
Rotloetsa boitshimololedi le boitlhamedi, ka maikaelelo a go godisa maemo a botaki le setso.
Neelana ka tsela ya go fetisa tshedimosetso le go godisa maikaelelo a bonetetshi (saentshe), thekenoloji le thuto ya tikologo.
Tlhabolola didirisiwa tsa botlhokwa tse di kgontshang batho go nna baagi ba ba maikarabelo.
Go na le Dipoelothuto di le thataro tsa puo ya gae, puo ya tlaleletso ya ntlha le puo ya tlaleletso ya bobedi tse di tshwanang.
Dipoelothuto tse nne tsa ntlha di akaretsa mefuta e metlhano ya bokgoni jwa puo (go reetsa, go bua, go buisa, go bogela le go kwala).
Poelothuto ya borataro e bua ka moko wa puo - medumo, mafoko le thutapuo.
Dipoelothuto tse, di kwaletswe gore go tsepamisiwe matlho mo mefuteng e e rileng ya kitso le bokgoni, le go dira gore di nne sedi di bo di tlhaloganyesege. Le gale, fa re dirisa puo, re lomaganya kitso, bokgoni le dielo tsa botshelo go itlhalosa. Ka jalo, kakanyokgolo ya Kemo ya Karolothuto ya Dipuo ke go lomaganya mefama e ya puo ka go tlhama le go ranola meraba.
Moithuti o kgona go theeletsa tshedimosetso le go ijesa monate, mme a arabe sentle le ka go sekaseka mo maemong a a farologaneng.
Moithuti o kgona go bua kana go tlhaeletsana ka go itshepa le ka nonofo mo maemong a a farologaneng.
Moithuti o kgona go buisetsa le go bogela kitso le monate, mme a arabele ka ka bokgabale, bontle le botaki, setso le dielo tsa maikutlo mo merabeng.
Moithuti o kgona go kwala mefuta e e farologaneng ya meraba ya boammaaruri le ya maitlhomo, a e kwalela mabaka a a farologaneng.
Moithuti o kgona go dirisa puo go akanya le go batla mabaka, go bona tshedimosetso, go e tlhotlha le go e dirisetsa go ithuta.
Moithuti o itse, e bile o kgona go dirisa medumo, tlotlofoko le thutapuo ya puo go tlhama le go ranola meraba.
Le fa dipoelo tsa go reetsa le go bua, go buisa le go bogela, go kwala, go akanya le go batla mabaka, le kitso ya medumo, mafoko le thutapuo, di tlhagisiwa jaaka dipoelothuto tse di farologaneng, di tshwanetse go lomaganngwa fa go rutiwa le fa go tlhatlhojwa.
Tlhaba, ba bo ba kwala moraba o mošwa wa mofuta o o tshwanang.
Baithuti ba tlhoka kitso ka ga puo, kitso ka ga meraba, le bokgoni jwa puo le ditogamaano gore ba tle ba kgone go tlhama le go ranola meraba.
Bobegakgang, sekao: filimi kgotsa moraba wa thelebišene.
Ditshwantsho le moakanyetso mo morabeng o o bogelwang.
Ditlhangwa di rwele dielo kana metheo ya botshelo e e siameng (jaaka, setemokerasi) kgotsa e e sa siamang (jaaka, go tlhaola ka lotso le ka bong). Go se tseelwe gore botlhe ba itse metheo e ya botshelo. Baithuti ba tshwanetse go ela tlhoko le go sekaseka metheo kgotsa dielo tse tsa botshelo, fa di le teng mo merabeng e ba e buisang le e ba e bogelang, tota le mo merabeng e ba itlhamelang yona.
Ela tlhoko ka moo ba tlhagisang metheo ya botshelo mo merabeng e ba e itlhamelang - go fa sekao: kgotlelelo, kutlwelobotlhoko, tlotlo, boitumelo, bontle, metlae, go tshameka, tenego.
Go ithuta puo le gona go ka lomaganngwa ka dithitokgang kana merero. Fa go di dirisiwa dithitokgang, baithuti ba kgona go aga tlotlofoko e e maleba le setlhogo.
Fa dithitokgang le ditlhogo di tlhophiwa ka kelotlhoko, phisegelo ya baithuti e a rotloetsega.
Tlhopha dithitokgang tse di maleba le matshelo a baithuti, mme gape o katolose kitso ya bona.
Tlhopha dithitokgang le ditlhogo tse di golaganyang le Dipoelothuto tsa Botlhokwa le tsa Kgolo.
Dipuo ke didiriswa tsa botlhokwa tsa go fitlhelela ditshwanelo tsa botho le tshiamelo ya tikologo. Kemo ya Karolothuto ya Dipuo e batla go godisa didiriswa tse ka botlalo ka dielo tsa yona tsa tlhatlhobo. Baithuti ba tshwanetse go nna babuadipuo-pedi kgotsa babuadipuo-dintsi ba ba itshepang e bile ba na le didiriswa tsa botlhokwa tsa go buisa ka ga lefatshe le meraba e e buiwang le e e kwadilweng ka lona. Ba tshwanetse go kgona go sekaseka le go kwalolola meraba ka mekgwa e e godisang dikgonagalo tsa ditshwanelo tsa botho le tshiamelo ya tikologo.
Baithuti botlhe ba tla kwa sekolong ba na le kitso e ntsi le bokgoni jo bo tebileng jwa puo ya gae. Ba bone kitso e, ka dikgolagano tse di farologaneng tsa fa ba kopana le bangwe kwa lapeng, fa ba tlhokometswe, fa ba nonotshwa le ka nako ya go tshameka. Ka gobo malapa a farologana, kitso e bana ba tlang ka yona kwa seolong le yona e a farologana. Le gale, sengwe le sengwe se ba se itseng, se tshwanetse go solwa mosola mo go tlhabololeng puo ya bona. Se, se botlhokwa thata mo kgolong ya sebele sa bona, mo dikgolaganong le baithuti ba bangwe, le fa ba simolola go ithuta le go phela mo lefatsheng.
Kitso ya bana ya pele.
Mafelo a go ithutela.
Melawana le ditsela/mekgwa e e kaelang kharikhulamo e.
Fa baithuti ba tsena mo Kereiting ya R le 1, ba ithutile dilo di le dintsi ka go reetsa, mme ba kgona go buisa ka thelelo le ka go itshepa. Ba godisitswe mo setsong, ngwaong le mo kitsong e ba e fitlhelang kwa gae, mme tsotlhe tse, ke karolo ya bona ya kitso ya puo. Phaposiborutelo e tshwanetse go nna lefelo le le itumelelang, le le tlotlang le le le agelelang mo godimo ga se baithuti ba tlang ba se itse.
Kakanyo e e kaelang go ithuta le go ruta go kwala (letheresi) mo kharikhulamong e ke ya gore tlhabololo ke tiro ya go tokafatsa, e e tsamayang ka iketlo. Ka jalo, diphoso di tshwanetse go nna teng mo tirong eo. Fa puo ya baithuti e godisiwa sentle, e tla tokafala thata, bogolosegolo fa ba nna le tšhono e ntsi ya go dirisa le go godisa bokgoni jwa bona jwa puo.
Mo kharikhulamong e, go dirisitswe 'mokgwa wa tekatekano' wa go tlhabolola litheresi. Ke wa 'tekatekano' gonne o simolola ka litheresi e e golang ya bana, mme o dira gore ba buise dibuka tsa nnete, ba bo ba kwalele mabaka a a boammaaruri (genuine purposes). Gape, ga o ikgatholose medumopuo (phonics). Baithuti ba tshwanetse go itse le go dira dilo tse gore ba kgone go ithuta go buisa le go kwala sentle. Fa re tla mo puisong, se se raya gore re tswe mo 'mokgweng wa tshiamelo ya go buisa' o o neng o dumela gore baithuti ga ba a siamela go simolola go ithuta le go kwala fa ba ise ba kgone go farologanya ka kutlo le ka pono, e bile ba ise ba nne le bokgoni jwa go tsamaisa kana go dirisa dithwe tsa mmele sentle.
Bokgoni jo, bo ka godisiwa/tokafatswa fa bana ba simolola go nna le maitemogelo a go ithuta.
Kharikhulamo ya puo e lemogile gore baithuti ba simolola go itse go kwala puo go tloga fa ba bontshiwa tiro ya go buisa le go kwala kwa gae, mo tikologong e ba phelang mo go yona, le ka nako ya dingwaga tsa dithuto tsa pele ga sekolo. Re tshwanetse ra dira phaposiborutelo lefelo le le rotloetsang baithuti go nna babuisi le bakwadi ba ba bokgabale gore tiro e, e tswelele pele.
Rotloetsa le go tshegetsa baithuti go buisa ka bophara (ka bobona kgotsa le ba bangwe).
Neela baithuti tšhono ya go kwala le go godisa tlotlofoko ya bona le go dirisa puo kgabetsakgabetsa.
Kgodiso ya bokgoni jo bo farologaneng jwa temogo ya mafoko le jwa tekatlhaloganyo jaaka go lemoga difonimi (ba nne tsebe ntlha mo medumong ya puo).
Kitso ya medumo - tlhaka e e nyalelanang (medumopuo).
Kitso ya go tshwaraganya (go tshwaraganya ditlhaka di le pedi kgotsa di le tharo go bopa modumo).
Dipoelothuto di tshwanetse go bonwa di dirisana go aga le go tlhabolola puo ya baithuti. Kwa tshimololong ya dielo tsa tlhatlhabo, re tshikinya dikao tsa meraba (tsa molomo, tse di kwadilweng, tse di bogelwang, le tsa bobegakgang-bontsi) tse di kgontshang baithuti le barutabana go dira mofuta o wa tomaganyo. Go botlhokwa go gakologelwa gore ga go solofelwe gore baithuti ba bue puo e ba iseng ba e utlwe, kgotsa ba kwale kgotsa ba tlhagise meraba e ba iseng ba ke ba e buise kgotsa ba e bone.
Moithuti o kgona go theeletsa tshedimosetso le go ijesa monate, mme a arabe sentle le ka go sekaseka mo maemong a a farologaneng.
Bokgoni jwa go reetsa jo baithuti ba tlang ka jona kwa sekolong, bo tshwanetse go tlhabololwa le go dirisiwa go godisa bokgoni jwa go bua, go buisa, go bogela le go kwala. Go reetsa ka matlhagatlhaga go botlhokwa thata mo go ithuteng, mmogo le mo go ageng dikgolagano kgotsa botsalano jo bo tlotlegang. Baithuti ba ka reetsa gore ba kgone go oketsa kitso ya bona ya dipuo le ditso tsa bona le tsa batho bangwe.
Moithuti o kgona go buisana kgotsa go tlhaeletsana ka go itshepa le ka nonofo mo maemong a a farologaneng.
Baithuti ba tshwanetse go kgona go dirisa kitso ya bona ya go buisana kgotsa go tlhaeletsana ka nonofo le fa ba le fa gare ga dipuo le ditso tse dingwe. Ba tshwanetse go ithuta ka go itemogela gore, go itse dipuodintsi/ditementsi go humisa le go godisa bobona le boagi jwa bona. Gape, ba ithute go bua le go buisana le batho ba ba sa kgoneng go bua le go utlwa, ba bo ba tsibogele ditlhokego tsa bona.
Moithuti o kgona go buisa le go bogela a batla tshedimosetso le go ijesa monate, mme a arabele ka go sekaseka bontle le botaki, setso le dielo tsa maikutlo mo merabeng.
Go buisetsa go bona bokao, ke maikaelelomagolo a poelothuto e. Ka jalo, dithekeniki le ditogamaano tse di thusang baithuti go buisa ka nepo, di tshegetsa ntlha ya go buisetsa bokao. Go buisa (go akaretsa meraba e e bogelwang le ya bobegakgang-bontsi) go botlhokwa fa go godisiwa puo, le fa go ithutiwa go kwala, go ijesa monate le go ithuta ka tsa lefatshe.
Moithuti o kgona go kwala mefuta e e farologaneng ya meraba ya boammaaruri le ya maitlhomo, a e kwalela mabaka a a farologaneng.
Mo Kgatong ya Motheo, baithuti ba ithutela poelothuto e. Ba ithuta gore go kwala go rwele bokao, le gore bone ka bobona ke bakwadi ba bokao boo. Gape ba godisa bokgoni jwa mokwalo gore ba tle ba kgone go kwala dikgopolo le dikakanyo tsa bona gore bone le baithuti ba bangwe ba kgone go buisa se ba se kwadileng. Mo godimo ga moo, ba ithuta melawana le mefuta e e farologaneng ya mokwalo jaaka mopeleto le matshwao a puiso gore se ba se kwadileng se tle se tlhaloganngwe sentle ke ba bangwe. Ba ithuta gore go kwala ke tiro e e akaretsang: dintlha tsa pele ga go kwalwa, go kgwaritsakgwaritsa, poeletso, go runa kgotsa go tseleganya le go gatisa.
Moithuti o kgona go dirisa puo go akanya le go batla mabaka, go bona tshedimosetso, go e tlhotlha le go e dirisetsa go ithuta.
Bokgoni jo bo tlhalosiwang mo poelothutong e, ke karolo ya mefama yotlhe ya go ithuta puo. Mabaka a a dirileng gore bokgoni jo bo tsenngwe mo Poleothutong e e ikemetseng e, ke go totobatsa botlhokwa jwa jona mo go tlhabololeng le go godiseng puo ka kakaretso. Dipuo di ka tlhalosiwa jaaka 'dikgoro' tsa karolothuto: gonne di thusa gore bana ba ithute dirutwa tsotlhe tsa bona. Barutabana ba tshwanetse go tlhabolola le go godisa, go nonotsha le go tiisa didirisiwa tsa puo go akanya le go batla mabaka. Se ga se a tshwanela go dirwa se le sosi - baithuti ba tshwanetse go diragatsa bokgoni jo, mo Dikarolothutong.
Moithuti o kgona go dirisa medumo, mafoko le thutapuo ya puo, go tlhama le go ranola meraba.
Baithuti ba tla simolola go tlhtlhomisa ka moo puo e dirang ka teng. Ba tla simolola go tsweletsa puo e e aroganngwang ya go bua ka puo. Sekao, ba tla ithuta le go dirisa mareo jaaka "medumo, dinoko, mafoko, polelo le khutlo". Se, se tla ba letla go tlotla le go akanya ka ga mokgwa o mafoko a peletiwang ka teng le ka mokgwa o dipolelonolo di bopilweng le go kgaoganngwa ka teng.
Mo dikarolong tse di latelang, Dielo tsa Tlhatlhobo tsa poelothuto nngwe le nngwe di tla neelwa go ya kereiti ka kereiti. Kwa tshimologong ya kereiti nngwe le nngwe, re go naya dikao tsa meraba e e ka dirisediwang go ithuta puo go go lomaganeng. Dikao tse, ga se tsona fela di ka neelwang, o ka ikokeletsa dikao ka go itlhophela meraba efe kapa efe e e maleba.
Barutabana ba tshwanetse go gakologelwa gore ga se baithuti botlhe ba ba tseneng Kereiti ya R. Dikgopolo, bokgoni le ditogamaano tsa Kereiti ya R, di tshwanetse go rutiwa le go di tiisiwa mo Kereiting ya 1.
Ditaelo tse bothata jwa tsona bo oketsegang.
Dikgang tsa ditshwantsho le dibuka tse di nang le ditlhogo tse di bonolo.
Diphasalatso le dikaratapepentsho tse di tlwaelegileng.
Moithuti o kgona go theeletsa tshedimosetso le go ijesa monate, mme a Reetsa dipotso, ditaelo le dikitsiso ka tlhwoaafalo, arabe sentle le ka go sekaseka, mo mme a arabe kgotsa a di tsibogele ka tshwanelo.
Supa maitsholo a a siameng a go reetsa kwa ntle ga go tsena mongwe ganong. A supa tlotlo fa sebui se bua, a refosana go bua.
Lemoga mafoko a a rumisanang mo dipineng tse di itsegeng, (jaaka, dia le sia).
Moithuti o kgona go bua le go buisana ka go itshepa le ka nonofo mo maemong a a farologaneng.
Tlotla ka ga ba losika le ditsala.
Tlhagisa maikutlo a gagwe le maikutlo a batho ba nnete le ba maitlhomo.
Opela le go boka dipina le maboko a bana.
Dirisa puo ka botshwantshi go ijesa monate le ditoro (jaaka, go bopa mafoko a a raemang).
Dirisa puo ya maitlhomo go ijesa monate le go ijesa ditoro.
A botsa dipotso fa a sa tlhaloganye kgotsa a tlhoka tshedimosetso, mme a tsiboga ka tshwanelo fa a bodiwa dipotso.
A tlhagisa maitemogelo a gagwe.
A tlotla dikanelo tsa gagwe mme a boeletsa dikanelo tsa ba bangwe ka mafoko a gagwe.
Nna le seabe mo setlhopheng ka go itshepa le ka tokologo.
A supa masisi fa a bua le ba bangwe.
A etsisa mefuta le mekgwa e e farologaneng ya dipuisano.
Leba le go sekaseka ditshwantsho le dinepe ka mo merabeng.
Dirisa ditshwantsho go tlhaloganya ditlhogo tse di bonolo mo bukeng ya ditshwantsho.
Farologanya ditshwantsho mo mokwalong (sekao: ka go supa mafoko go na le ditshwantsho fa a buisa).
Moithuti o kgona go buisa le go bogela a batla kitso le go ijesa monate, mme a arabe ka go sekaseka bontle le botaki, setso le dielo tsa maikutlo a a leng teng mo merabeng.
Tlhalosa le go neela dikakanyo ka ga baanelwa ba ba mo kaneding kgotsa mo lenaneong la thelebišene.
Buisa' dibuka tsa ditshwantsho tse di nang le ditlhogo tse di bonolo kgotsa dipolelo.
Lemoga mafoko a a rumisanang mo dipineng.
Buisa mokwalo wa gagwe o o simololang go tlhagelela, fa a kopiwa go dira jalo.
Moithuti o kgona go dirisa puo go akanya le go batla mabaka, mme a fitlhelele, a bo Dirisa puo go godisa megopolo.
Supa kitso e e golang ya megopolo ka ga bongwe lemorago a e dirisetse go ithuta. bontsi, bogolo le popego, bokaelo, tsela, mmala, lebelo, nako, dingwaga, tatelano.
Lemoga dikarolo tsa selo sotlhe (jaaka, dikarolo tsa mmele).
Botsa dipotso, mme ba batle dithanolo sekao: goreng, eng, mang, jang, kae, leng?
Rarabolola a bo a feleletsa morabaraba wa mafoko.
Ntsha tshedimosetso e e tlhophilweng go tswa mo thanolong.
Kgaoganya mafoko a a buiwang a dinokodintsi ka dinoko (jaaka, a ka nna a dumisa dinoko mo mafokong a tshwana le, se-ko-lo kgotsa ngwa-na).
Lemoga lefoko, tlhaka le phatlha fa gare ga mafoko mo mokwalong.
Anaanya dikakanyo a dirisa dithanolo le mafoko a a bontshang tiro.
Bua ka ga meraba (jaaka, dikgang/dikanedi) a dirisa mareo a tshwana matseno, mmele le bokhutlo.
Lemoga bokao jo bo tlisiwang ke phetogo ya segalo mo lentsweng.
jaaka, 'medumo', 'mafoko', 'tlhaka', 'morumo', 'tshimologo/matseno', 'mmele', le 'bokhutlo'.
Ditaelo tse bothata jwa tsona bo oketsegang.
Difilimi tsa bana.
Moithuti o kgona go theeletsa tshedimosetso le go ijesa monate, mme a Reetsa ditaelo le dikitsiso ka tlhwaafalo, mme a arabe arabe sentle le ka go sekaseka, mo ka tshwanelo.
Supa maitsholo a a siameng a go reetsa ka go supa tlotlo fa sebui se bua, go sa se tsene ganong, go bua ka go refosanya, go botsa dipotso gore a tlhaloganye sentle.
Buisana ka ga tatelano ya dikakanyo.
Reetsa le go kgatlhegela metlae le dithamalakwane a bo a di tsibogela ka go di ranola ka tshwanelo.
Reetsa ka tlhwaafalo sebaka se seleejana (a oketsa kgotlelelo ya go reetsa ka tlhwaafalo) mme a arabe le go tsibogela ditaelo tse di tlhomaganeng.
Supa maitsholo a a siameng a go reetsa ka go supa tlotlo fa sebui se bua, go bua ka go refosanya, go botsa dipotso gore a tlhaloganye sentle le go tshwaele ka se a setseng a se utlwile fa go tshwanela.
Tlhagisa maikutlo ka ga moraba a bo a neela mabaka.
Reetsa le go kgatlhegela metlae le dithamalakwane a bo a di tsibogela ka go di ranola ka tshwanelo.
Reetsa ka tlhwaafalo (a oketsa kgotlelelo ya go reetsa ka tlhwaafalo) mme a arabe le go tsibogela ditaelo tse di latelanang tse di thata le go feta, tsa maemo a a mo tshwanetseng.
Supa maitsholo a a siameng a go reetsa ka go supa tlotlo fa sebui se bua, go bua ka go refosanya, go botsa dipotso gore a tlhaloganye sentle le go kgona go sosobanya kgotsa go tshwaele ka se a setseng a se utlwile.
Rala ditshwantsho go supa go tlhaloganya moraba wa molomo, le go kwala ka mafoko a gagwe.
Reetsa le go kgatlhegela metlae le dithamalakwane a bo a di tsibogela ka go di ranola ka tshwanelo.
Reetsa melaetsa a bo a e fetisa ka nepagalo.
Lemoga mafoko a a rumisanang mo dipineng tse di itsegeng, (jaaka, dia le sia).
Reetsa sebui se a sa se boneng (sekao: mo mogaleng) mme a tsibogela dipotso le ditaelo. Reetsa sebui se a sa se boneng (sekao: mo radiong) mme a tsibogela dipotso le ditaelo.
Moithuti o kgona go bua le go buisana ka go itshepa le ka nonofo mo maemong a a farologaneng.
Tlotla ka maitemogelo a gagwe a botshelo, maikutlo le dikgang.
Bua dikakanyo a dirisa dithanolo tse di natetshang le mafoko a a supang tiro.
Opela, boka, diragatsa le go mumuretsa dipina, maboko le maboko a bana.
Dirisa puo ka botshwantshi go ijesa monate le ditoro.
Dirisa puo ya maitlhomo go ijesa monate le go ijesa ditoro.
A tlhagisa ka tatelano maitemogelo a gagwe.
A tlotla khutshwe e e tlwaelegileng, e e nang le tshimologo, bogare le bokhutlo, a dirisa ditshwantsho go tshegetsa fa go tlhokega.
Tlhalosa ka tatelano maitemogelo a gagwe a botshelo, le dikgang ka kakaretso.
Dirisa puo ka botshwantshi go ijesa monate le ditoro (jaaka, go dira metlae, dithamakwane, go tshameka morabaraba wa mafoko le go itlhamela maboko).
Tlhama le go tlotla dikanelo tse di bonolo, tse di nang le tshimologo, bogare le bokhutlo, a dirisa puo e e tlhalosang, mme a efoga poeletso.
Tlhalosa ka tatelano maitemogelo a gagwe a botshelo, le dikgang ka kakaretso, mmogo le dikakanyo le maikutlo ka ga gagwe.
Dirisa puo ka botshwantshi go ijesa monate le ditoro (jaaka, go dira metlae, go itlhamela maboko le puo e e kgethegileng).
Tlhama le go tlotla dikanelo tse di bonolo, tse di nang le tshimologo, bogare le bokhutlo, a dirisa puo e e tlhalosang, mme a efoga poeletso, mme di na le diponagalo tsa poloto le boanedi.
Dirisa mekgwa e e farologaneng le tiriso ya diatla go tlotla kgang.
Moithuti o kgona go bua le go buisana ka go itshepa le ka nonofo Nna le seabe mo dipuisanong tsa setlhopha le tsa mo mo maemong a a farologaneng.
Tsibogela dipotso tse di bodiwang ke bareetsi.
Etsisa maemo a a farologaneng jaaka go bopa botsala jo bošwa.
Farologanya segalo le modumo wa lentswe.
Tlhagisa mekgwa ya go rarabolola mathata.
Dirisa puo ka tshwanelo mo mabakeng le mo bathong ba ba farologaneng (sekao: maitato, ditaletso, dipotsolotso le go etsisa).
Dirisa modumo le segalo se se tshwanetseng, jaaka, go buela kwa tlase le molekane mo phaposing le go buela kwa godimo fa a na le ditsala kwa patlelong.
Botsolotsa batho mo dipuisanong go fitlhelela maikaelelo a a rileng.
Fetofetola lentswe, modumo le segalo.
A nna le seabe mo mmuisanong kgotsa mo motlotlong go supa bokgoni le kitso ya tsa loago.
Bolelelapele ka go leba sephuthelo sa buka gore leng teng mo merabeng. buka e bua ka ga eng?
Ranola tshedimosetso, go akarediwa ditheibole le dikerafo tse di fitlhelwang mo dikgatisong; bobegadikgannyeng le mo diphasalatsong, jaaka, dialemanaka le mananeo a sekolo, dipapetla tsa HIV/AIDS.
Dirisa ditshwantsho go bopa dikakanyo.
Supa tsibogo ya gagwe malebana le ditshwantsho tse di gatisitsweng le tsa bobegakgang.
Sekaseka setshwantsho mabapi le dipopnagalo tsa popego le gore a di nonofile kgotsa di siame.
Moithuti o kgona go buisa le go bogela a batla kitso le go ijesa monate, mme a arabe ka go sekaseka bontle le botaki, setso le dielo tsa maikutlo a a leng teng mo merabeng.
Ba tlhalosa gore a ba rata kanedi kgotsa nnyaa.
Buisa meraba e e mararanyana dikwalo tse di bonolo le dibuka tse e seng ditlhangwa, ditaelo tse di bonolo, ditaletso le dikarata tsa ditumediso, merabaraba ya mafoko, jalo jalo.
Kamano ya ditiragalo tebang le kgwediso kgotsa mabaka a a di tlholang sekao, goreng phokojwe a re diterebe di botlha?
Bokhutlo sekao: kgang e, kana leinane le, le re ruta eng?
Buisa meraba e e farologaneng e e mararanyana e tshwana le dikwalo, dibukathuto, mananeo a diteng le ditshupane.
Moithuti o kgona go buisa le go bogela a batla kitso le go ijesa monate, mme a arabe ka go sekaseka bontle le botaki, setso le dielo tsa maikutlo a a leng teng mo merabeng.
Dirisa bokgoni jwa go lemoga medumopuo le mafoko go bopa mafoko a mašwa le a a sa tlwaelegang mo bokaelong (sekao: ditshwantshetso tsa dibogelwa jaaka popego ya lefoko le tlhaka, le ditemogo tsa ditshwantsho, bokaelo le kgolagano ya tlhaka-modumo).
Dirisa bokgoni jwa temogo ya medumopuo le mafoko le tekatlhaloganyo jaaka medumopuo le ditemogo tsa bokaelo go bopa bokao.
A dirisa mefuta e e farologaneng ya go ikela tlhoko le go itshwaya diphoso fa a buisa, jaaka, go buisa a boeletsa, go tswelela go buisa, go buisa o kgaotsa le go ikatisa go buisa lefoko pele a le biletsa kwa godimo.
Tlhaloganya pharologano fa gare ga maina aleng teng mo merabeng.
Tlotla le baithuti-ka-ena ka ditlhogo le dikakanyo tse di rileng (ka ditlhophana kgotsa ka sebedisebedi).
Lemoga gore go na le mafoko a ditumanosi dingwe tsa ona di lelefadiwang jaaka e kete di pedi, jaaka, ngwega, moko, bomo.
Lemoga gore go na le ditumanosi tsa Setswana di le supa.
Dielo tsa Tlhatlhobo Tsweletso GO BUISA LE GO BOGELA Re itse seno fa moithuti a kgona go: Moithuti o kgona go buisa le go bogela a batla kitso le go ijesa monate, Buisetsa tshedimosetso le go e itumelela: mme a arabe ka go sekaseka bontle a buisa dibuka tsa ditshwantsho tse di nang le le botaki, setso le dielo tsa maikutlo a a ditlhalosetso tse di bonolo.
leng teng mo merabeng.
Simolola go dirisa thanodi go netefatsa mopeleto le bokao jwa mafoko.
Simolola go sekaseka meraba ya molomo, e e kwadilweng le e e bogelwang go bona dielo tsa loago le setso, maitshwaro le diphopholetso. (sekao: jaaka mo phasalatsong ya sesepa sa lerole, bua gore se phasaladitswe go ngoka batho bafe, le diabe tse basadi le banna ba nang le tsona).
Tlhama ditlhaka tsa alefabete ka katlego.
Arabela setshwantsho ka go kwala dipolelo tse di bonolo.
Tlhopha setlhogo se a ka kwalang ka sona, se a se ratang kgotsa se se botlhokwa mo go ena.
Simolola go rulaganya go kwala.
Kokoanya, mme a arologanye ditshwantsho go ya ka magoro a tsona.
Kwala le go buisetsa morutabana le baithuti-ka-ena moakanyetso wa bona, mme a simolole go boeletsa.
Dikgang kgotsa dikanedi, maboko le dipina tse di bonolo.
Kwala setlhogo se se maleba, se se tlhalosang diteng tsa moraba.
Boeletsa se a se kwadileng morago ga go bua le ba bangwe.
Kwala setlhogo se se maleba, se se tlhalosang diteng tsa moraba.
Boeletsa se a se kwadileng morago ga go bona ditswaelo tsa ba bangwe.
O simolola go dirisa matshwao a puiso a a tlwaelegileng (sekao: ditlhakakgolo le dikhutlo).
Aga letlotlo la gagwe la mafoko le thanodi ya gagwe.
Itirela dibuka tsa gagwe kgotsa dingatana tsa maboko kana dikhutshwe tsa mo phaposing.
Dirisa kitso ya medumopuo le melawana ya mopeleto go kwala mafoko a a sa tlwaelegang.
Itirela dibuka ya gagwe kgotsa dingatana tsa maboko kana dikhutshwe tsa mo phaposing.
Dirisa kitso ya medumopuo le melawana ya mopeleto go kwala mafoko a a sa tlwaelegang.
Tsweletso GO KWALA Ga go na Dielo tsa Tlhatlhobo tsa Poelothuto e, mo Moithuti o kgona go kwala Kereiting ya 1.
Dirisa meraba mengwe ya tshedimosetso e tshwana le diresepe.
Kwala a repile le ka lebelo ka ntlha ya go ikatisa kgabetsakgabetsa.
Dirisa dipopego tsa meraba ya tshedimosetso di tshwana le ditekelelo.
Fetsa tiro ya go kwala ka nako e e lekanyeditsweng.
Supa kitso e e golang ya megopolo ka ga bongwe letshedimosetso e a e boneng, morago bontsi, bogolo le popego, bokaelo, tsela, mmala, a e dirisetse go ithuta.
Tlhaloganya e bile a dirisa puo ya megopolo (conceptual language) ya dikarolothuto tse di farologaneng tse di botlhokwa mo maemong a kereiti e a leng mo go yona, e bile a ntse a ipaakanyetsa maemo a a latelang.
Lemoga go tshwana le go farologana, a dirisa puo e e tshwanelang (jaaka, tshwana le, farologana le).
Rarabolola merabaraba ya ditshwantsho le ya mafoko.
Tlhaloganya e bile a dirisa puo ya megopolo (conceptual language) ya dikarolothuto tse di farologaneng tse di botlhokwa mo maemong a kereiti e a leng mo go yona, e bile a ntse a ipaakanyetsa maemo a a latelang.
Dirisa go akanya ga maemo a a kwa godimo le puo e e tsamaelanang le gona, jaaka, go tlatsa dikgala, go batla mabaka, go diragatsa kitso, go tlhatlhoba jaaka, Ke nagana gore , Ke a ipotsa gore...
Dirisa kitso ya metswedi e e farologaneng go tlhopha tse a di tlhokang, mme a kgona go ntsha mabaka a gore ke eng a dirile tlhopho eo.
Tlhaloganya e bile a dirisa puo ya megopolo (conceptual language) ya dikarolothuto tse di farologaneng tse di botlhokwa mo maemong a kereiti e a leng mo go yona, e bile a ntse a ipaakanyetsa maemo a a latelang.
Dirisa puo go tlhalosa go tshwana le go farologana, le go sekaseka, go bapisa le go fapologantsha.
Botsa dipotso go tlhaloganya, go batla dithanolo, go tlhagisa diphapaano. jaaka, Gongwe re ka leka , O akanya eng ka Fa ke ka dira se gona...?
Moithuti o kgona go dirisa puo go akanya le go batla mabaka, mme a fitlhelele, a bo a tlhotlhe tshedimosetso e a e boneng, morago a e dirisetse go ithuta.
Rulaganya tshedimosetso ka dikerafo tse di bonolo jaaka, ditšhate, mananeo a tiro, jalo jalo.
Dirisa ditogamaano tse di bonolo go bona le go rekota tshedimosetso (jaaka, go batla metswedi kwa laeboraring ka thuso ya motsadi kgotsa moithuti yo mogolo).
Dirisa puo go tlhalosa go tshwana le go farologana, le go sekaseka, go bapisa le go fapologantsha tshedimosetso.
Botsa dipotso tse di thusang go tlhalosa tiro e bile a bona tshedimosetso e e maleba jaaka, re tlhoka eng go itse, go dira, go bona; gona re ka bona tshedimosetso kae?
Batla mo laeboraring (a thusiwa ke mogolo kgotsa moithuti yo mogolo).
Sosobanya tshedimosetso a bo a e tlhagisa ka tshwanelo le ka mokgwa o o natefang.
Dirisa puo go tlhalosa go tshwana le go farologana, le go sekaseka, go bapisa le go fapologantsha tshedimosetso.
Dirisa medumopuo go buisa le go peleta.
Dirisa ditlhakakgolo mo maineng, jaaka mo go, Mpho.
Dirisa medumopuo go peleta mafoko a a sa tlwaelegang.
Lemoga mangwe a makaelagongwe le malatodi.
Dirisa medumopuo go peleta mafoko a a sa tlwaelegang.
Tlhaola le drisa makaelagongwe le malatodi a mantsi.
Dirisa Pakajaanong le Pakaphethi e e bonolo sentle.
Bua ka ga meraba (jaaka, dikgang/dikanedi, a dirisa mareo a tshwana le, matseno, mmele le bokhutlo).
Fetola segalo sa lentswe go ya ka mabaka.
Lemoga a bo a dirisa maina, maemedi, (Nna, wena, ena) matlhaodi, madiri le masupi sentle.
Dirisa matshwaopuiso sentle letshwaopotso, phegelwana, go kgaoganya dintlha mo lenaneong, ditlhakakgolo go kwala mainatota jaaka, Mmapula.
Dirisa puo go supa maitsholomantle (jaaka, go kopa maitshwarelo).
Dirisa makopanyi go tlhalosa go tlholana Ke a ja.
Dirisa matshwaopuiso sentle (letshwaopotso, phegelwana, go kgaoganya dintlha mo lenaneong, ditlhakakgolo go kwala mainatota; jaaka, Mmapula).
Golaganya dipolelo go bopa ditemana, mme tiriso ya dipaka e sa fetoge.
Dirisa puo go supa maitsholomantle (jaaka, go kopa maitshwarelo).
Lemoga pharologano fa gare ga puo e e dirisiwang mo phaposiborutelong (jaaka, ka nako ya dikgang) le ya fa a tshameka le ditsala, mme a utolole gore ke goreng go dirisiwa puo e e farologanang mo merabeng e e farologaneng.
jaaka, 'polelo', 'ditlhakakgolo', 'khutlo', 'thanodi'.
Tlhotlhomisa mokgwa o setlhopha se dirisang tlhalosa basimane le basetsana, mebala e e mmuo ka teng, le mang le mo mabakeng afe. golaganngwang le basimane le basetsana (jaaka, 'o montle', 'o maatla'). Tlhalosa gore dithanolo di ama batho jang, le gore a go siame gore motho a tswelele go dirisa mofuta o wa puo kgotsa nnyaya.
(jaaka, sediri, lediri. sedirwa, dipotso, 'maemedi', 'madiri', 'matlhalosi', ditlhagiso, ditaelo, makopanyi, tshwantshanyo, 'phegelwana', 'letshwaopotso', 'temana'.). tshwantshiso, malatodi, makaelagongwe, matshwaokgakgamalo.
Mo Kgatong ya Magareng, baithuti ba tsena mo bosimeng (adolescence). Ba a tlhobaela, ba matlhagatlhaga, mme ba tsibogela tlhotlheletso ya balekane ba bona, ka ntlha ya go tlhoka go itshepa. Ba a iteba e bile ba rata go itse gore ke bo mang le gore ba rata go nna eng. Merero e e amanang bobona e simolola go nna botlhokwa thata, ka jalo, go botlhokwa thata go gakologelwa kgolagano e e leng teng fa gare ga puo le bobona (identity) mo nageng e ya rona ya dipuodintsi le ditsodintsi.
Ba nna masisi thata tebang le gore ditiro tsa bona di amana ba bangwe jang.
Ba simolola go tlhokomela ditlhokego, dikeletso le ditebelelo tsa ba bangwe (mokgwa o ba lebang dikakanyo tsa ba bangwe ka teng).
Ba simolola go dirisana sentle, ba le mo ditlhopheng, ba dirisana ka bolokologi.
Ba simolola go itumelela go kampana le ditiro tse ba di dirang ba le bosi.
Ka jalo ba supa keletso ya go laola go ithuta ga bona.
nna le maikaelelo le thulaganyo mabapi le go leba dilo ga bona.
Ba kgona thata go fitlhelela, go kwala (rekota) le go sokasokana le tshedimosetso.
Ba gola ka bokgoni jwa go dira dipatlisiso, go tshwantshanya le go leba dilo ka leitlho le lentšhotšho.
Mo Kgatong e, baithuti ba tiisa ba bo ba go godisa bokgoni jwa bona jwa go buisa le go kwala (litheresei), gape ba aga boitshepo le go bua ka thelelo ga bona, ga puo ya molomo. Tiro e e akaretsang kharikhulamo yotlhe e tla nna karolo e e botlhokwa ya karolo ya ditiro tsa go ithuta.
Baithuti ba tla dira ka meraba e e farologaneng go na le mo Kgatong ya Motheo. Puo le diteng tsa meraba ga di kitla di tlhola di nna matswakabele le go feta. Di tla tlhagisetsa baithuti meraba ya molomo le dikwalo tse di kwadilweng, le merero ya botlhokwa ya tsa loago le ya tikologo.
Go thusa go bopa dielo tsa tlhatlhobo tse di sedifetseng, poelo nngwe le nngwe e na le bokgoni jo bo farologaneng jaaka tirokgolo, (go reetsa, go bua, go buisa, go bogela, go kwala, go akanya le go batla mabaka le popegopuo le tiriso). Le fa go ntse jalo, mo mananeong a go ithuta, dintlha tse tsa diteng, di tshwanetse go lomaganngwa le go logaganngwa le ditiro tsa go ithuta ka maikaelelo a a tlhaloganyesegang e bile a le maleba.
Diteng tse di maleba di tshwanetse go tsewa mo mererong ya mefuta e e farologaneng, go lebeletswe ditlhokego tsa moithuti mongwe le mongwe, le merero e e anameng ya tsa loago/setšhaba. Ba leke go akaretsa dilo tse di tlhobaetsang tsa setšhaba jaaka boidiidi, Lebolelamading/Phate (HIV-AIDS) le bosenyi. Ga di a tshwanela go tsewa fela jaaka karolo ya diteng tsa moraba, nnyaya, di tshwanetse go tsewa jaaka karolo e e rulaganeng ya maitemogelo a go ithuta.
Lemoga dilo di tshwana le ditlwaelo tse di masisi.
Gwetlha tiriso ya mokgwa o, wa puo.
Ipaakanyetsa ditiro tse raraaneng/matswakabele tsa go ithuta, gammogo le Dielo tsa Tlhatlhobo tse di marara, mo Kgatong e Kgolo.
Moithuti o kgona go theeletsa tshedimosetso le go ijesa monate, mme a arabe sentle ka go sekaseka, mo mabakeng/maemong a a farologaneng.
Mo nakong e, bokgoni jwa baithuti jwa go reetsa bo looditswe go ba kgontsha go reetsa meraba ya molomo e e okeditsweng (meraba ya tlhwaafalo le e seng ya tlhwaafalo) malebana le mabaka a a farologaneng.
Moithuti o kgona go bua/go buisana ka go itshepa le ka nonofo ka puo e e buiwang, mo mabakeng/maemong a a farologaneng.
Maemo a tsa loago a fetoga fa moithuti a ntse a gola. A simolola go ba gwetlha gore ba nne le boitshepo le nonofo mo puong e ba e buang. Bokgoni jo, ka jalo, bo tswelela go godisiwa gore baithuti ba tokafatse bokgoni jwa bone jwa go bua, mme ba tsibogele dipharologano tsa setso, mme ba ithute go bona mosola wa dipuodintsi/ditementsi.
Moithuti o kgona go buisa le go bogela a batla tshedimosetso/kitso le go ijesa monate, mme a arabele, ka go sekaseka, bontle le botaki, setso le botlhokwa jwa dielo tsa botshelo tse a di fitlhelang mo merabeng.
Go buisa dikwalo tsa boammaaruri le tsa maitlhomo tsa Aforika Borwa le tsa boditšhatšhaba, go botlhokwa mo kgodisong ya maikutlo, mo tlhabololong ya puo, mo bokgoning jwa go buisa le go kwala, go tlhaloganya dielo tsa botshelo, le go ijesa monate.
Moithuti o kgona go kwala mefuta e e farologaneng ya meraba ya boammaruri le ya maitlhomo a e kwalela mabaka a a farologaneng.
Baithuti ba tswelela go godisa bokgoni jwa bona jwa go kwalela mabaka le babogedi/babuisi/bareetsi ba ba farologaneng. Ba simolola go tlhabolola le go rulaganya dikakanyo ka tshwanelo mo merabeng ya boam-maaruri le ya boitlhamedi ka go sala morago dikgato tsa tsamaiso ya go kwala.
Moithuti o kgona go dirisa puo go akanya le go batla mabaka, go fitlhelela, le go tlhotlha tshedimosetso, gore morago a dirise kitso e go ithuta.
Bokgoni jwa go akanya, re akaretsa 'go akanya ka ga go akanya' (metacognition) le letheresi ya tshedimosetso, di botlhokwa mo tirong yotlhe ya kharikhulamo le mo katlegong ya thuto. Bo tshwanetse go rutiwa ka mokgwa o o lomaganeng ka tiriso ya ditiro tsa go rarabolola mathata ka mabaka a a tlhaloganyesegang e bile a le botlhokwa mo thutong. Mo dikarolong tse di latelang, re naya Dielo tsa Tlhatlhobo tsa Polelothuto nngwe le nngwe, mme re di naya ka kereiti ka kereiti. Gape re neelana ka dikao tsa meraba e e ka dirisiwang go ithuta puo ka mokgwa o o lomaganeng.
Moithuti o kgona go dirisa medumo, mafoko le thutapuo ya puo go tlhama le go ranola meraba.
Baithuti ba tla batlisisa gore puo e dira jang, mme ba godisa puo e ba e abelanang ya go bua ka ga puo (puo-ka-ga-puo/'metalanguage'), gore ba tle ba kgone go sekaseka meraba ya bona le e mengwe tebang le bokao, nonofo le nepagalo. Gape, ba tla kgona go dirisa kitso e go lekeletsa go bopa bokao (go tswa mo mafokong le mo dipolelong go fitlha ka meraba yotlhe) ka puo, le gore ba bone ka moo moraba le tiriso di tsamaelanang ka teng. Ba tla lemoga ka moo puo e fetogang le dinako le fa e kopana le ditso tse dingwe ka teng, le ka moo e fetogang ka teng mo mabakeng a a farologaneng.
Dipegelo - tsa bosa, tsa metshameko, jalo jalo.
Dikerafo - mefuta e e farologaneng.
Moithuti o kgona go theeletsa tshedimosetso le go ijesa monate, Itumelela go reetsa mefuta e e farologaneng ya meraba mme a arabe sentle le ka go ya molomo mme a araba ka tshwanelo, jaaka, sekaseka mo mabakeng/maemong a a dikanedi, dianelaphologolo, dipegelo tse farologaneng. dikhutshwane.
Tlhalosa kakanyokgolo le dintlha tse di rileng tsa moraba, mme a di golaganya le maitemogelo a gagwe a botshelo.
Tlhalosa tiriso ya mafoko, dikapolelo le puo ya mmele ya sebui le gore di ama moreetsi jang. sekao: o ne wa ikutlwa jang morago ga go reetsa sebui Ke eng se a se buileng/dirileng se se dirileng gore o ikutlwe jalo?
Itumelela go reetsa mefuta e e farologaneng ya meraba ya molomo, jaaka, dikanedi, dianelalebopo, dikopelo tsa dikhwaere, metlae le dithamalakwane, le metshameko e mekhutshwane a bo a araba ka tshwanelo.
Lemoga molaetsamogolo le merero/dithitokgang mo merabeng ya molomo a bo a e golaganya le botshelo jwa letsatsi le letsatsi.
Lemoga diponagalo tsa meraba ya molomo (popego, puo, segalo, mmuo, jalo jalo) tse di dirang gore e tshwanele mabaka a a farologaneng le bareetsi/babuisi/babogedi ba ba farologaneng.
Itumelela go reetsa le go araba ka go sekaseka, mefuta e e farologaneng ya meraba ya molomo, jaaka, dikanedi, dikahisetori, dingangisano, maboko, metshameko le dipuo.
Lemoga merero/dithitokgang, a bo a botsa dipotso, mme a golaganya dikakanyo le maitemogelo a gagwe a botshelo.
Tlhalosa gore di ama moreetsi jang le gore goreng?
Tlhalosa ka moo diponagalo tse di bayang sebui le moreetsi malebana le bolaodi le maatla, maikutlo tebang le baanelwa, jj.
Lemoga a bo a tlhalosa ka moo ditemana di bopiwang ka teng le gore di ama moreetsi jang jaaka, Ka moo moanelwamogolo a tshwantshiwang ka teng Se se dira gore o ikutlwe jang A batho ba ntse jaana mo botshelong jwa nnete?
Anaanela ka kamego ya modumo le dibogelwa, di tshwana le, moribo, poeletso, poeletso ya ditumammogo, maetsi (onomatopia), tshwantshanyo.
Moithuti o kgona go theeletsa tshedimosetso le go ijesa monate, mme a arabe sentle le ka go sekaseka mo mabakeng/maemong a a farologaneng.
Tlhalosa ka moo segalo le tlhopho ya sebui ya mafoko e fetogang ka teng, fa se bua le bareetsi le fa a batla go gatelela lebaka le le rileng.
Bua ka ditshwantsho tsa medumo le tsa mafoko tse di fitlhelwang mo puong a bo a anaanele ka gore di amang moreetsi jang.
Theeletsa tshedimosetso e e mo mefuteng e e farologaneng ya meraba e tshwana le dipegelo, dikitsiso tsa sekolo, dipotsolotso, jalo jalo, e bile a gakologelwa dikakanyo tsa botlhokwa kgotsa dintlha tse di rileng, mme a arabe ka tshwanelo.
Diragatsa ditaelo e bile a sala dikaelo morago.
Reetsa metlotlo le dipuisano ka matlhagatlhaga a bontsha tlotlo le bosisi tebang le maikutlo a ba bangwe, e bile a itumelela tebelelo ya ba bangwe.
Tlhalosa dielo tsa loago, maitshwaro le setso, mekgwa le dipelaelo mo merabeng ya molomo jaaka, A malapa otlhe a na le rre, mme le bana A go na le mefuta e mengwe ya malapa?
Tlhalosa ka moo puo e dirisiwang ka teng go bopa maikutlo a maemo a a renang (atmosphere)...
Reetsa mefuta e e farologaneng ya meraba ya tshedimosetso (dikaelo, ditaelo, dipuo, dipuisano tsa radio, ditiragalo tsa botshelo tsa thelebišene), a nongonanongona dintlha tsa botlhokwa kgotsa dintlha tse di kgethegileng, mme a dirisa tshedimosetso eo ka tshwanelo.
Reetsa ka matlhagatlhaga a etse tlhoko tebelelo kgotsa dikakanyo tsa ba bangwe, mme a arabela dikakanyo le ditlhagiso tsa bona ka masisi.
Tlhalosa dielo tsa loago, maitshwaro le setso, mekgwa le dipelaelo mo merabeng ya molomo, a bo a anaanela ka ga se se tsentsweng le se se sa tsenngwang jaaka, A molaetsa wa kanedi o boammaaruri mo mabakeng otlhe Ke mabaka/maemo afe a go sa akanngwang ka ona mo kaneding e?
Reetsa mefuta e e farologaneng ya meraba ya tshedimosetso dingangisano, dithanolo, dipegelo, ditiragalo tsa botshelo tsa mo thelebišeneng, khutshwafatsa dikakanyokgolo, e bile a nongonanongona dintlha tse di kgethegileng ka tshwanelo.
Reetsa ka matlhagatlhaga a etse tlhoko tebelelo kgotsa dikakanyo tsa ba bangwe, mme a amogela dikakanyo tse di farologanang le tsa gagwe, a bo a araba ka tshwanelo mo mabakeng otlhe.
Tlhalosa dielo tsa loago, maitshwaro le setso, mekgwa le dipelaelo a bo a anaanela ka moo di tlhalosiwang ka teng mo morabeng jaaka, A go na le ditemalo mo morabeng?
Bolelela bareetsi ba ba farologaneng maitemogelo, mabakeng a a farologaneng.
Tlhalosa a bo a tshwantshanya/bapisa dikakanyo le dikgolo tsa gagwe le tsa ba bangwe.
Tlhalosa a bo a emela dikakanyo tsa gagwe ka mabaka.
Godisa metlotlo e e nang le dintlha e bile e na le mabaka a go netefatsa dikakanyo.
Moithuti o kgona go bua le ge buisana ka go itshepa le ka nonofo mo Dirisa bokgoni le ditogamaano tsa kgolagano tsa go mabakeng a a farologaneng.
Go supetsa ditokololo tse dingwe tsa setlhopha tlotlo.
Dirisa modumo o o utlwalang sentle wa lentswe, ka dikgaotso tse di tshwanetseng, mme a bua ka lebelo le le lekanetseng.
Go bontsha masisi tebang le ditshwanelo le maikutlo a ba bangwe fa ba tshwaragane le tiro ya setlhopha.
Kgaotsa fa go tshwanetseng a bo a lekanyetsa lebelo go ya ka ditlhokego tsa bareetsi.
Dirisa puo e e botlhale (ya sedipolomatiki) mo maemong a go renang kgotlhang mo go ona.
Itlhatlhoba ka tlhagiso le bokgoni jwa gagwe, e bile a leka go tokafatsa makoa a a a lemogileng.
Moithuti o kgona go bua le ge buisana ka go itshepa le ka nonofo mo Dirisa mafoko le dipopego tse di tshwanetseng mo mabakeng a a farologaneng.
Naya e bile a leka go itlhokomolosa tiriso e e sotlang le e tlhaolang ya puo.
Lemoga a bo a gwetlha tiriso e e sotlang le e e tlhaolang ya puo.
Tlhagisa tiriso ya marefosi boemong jwa tiriso e e tlhaolang ya puo.
Buisetsa mefuta e e farologaneng ya meraba ya mme a arabe ka go sekaseka dielo boammaaruri le ya maitlhomo ya Aforika Borwa le ya tsa bontle le botaki, setso le maikutlo Bosetšhabatšhaba mabaka a a farologaneng jaaka, tse a di fitlhelang mo merabeng.
Buisetsa kwa godimo a utlwala e bile a itlhalosa sentle.
Dirisa kitso ya pele kgotsa ditshwantshetso tsa ditshwantshetso tsa mo tirisong (contextual meraba go tlhomamisa bokao, go lemoga clues), temogo ya ditlhaelo, tlhokomela gore o ditlhaelo; a tlhaloganyana, jj.
Buisetswa kwa godimo a utlwala e bile alekanyetsa lebelo go ya ka mabaka le bareetsi.
Moithuti o kgona go buisa le go bogela a batla kitso le go ijesa monate, mme a arabe ka go sekaseka dielo tsa bontle le botaki, setso le maikutlo tse a di fitlhelang mo merabeng.
Bogela a bo a anaanela ka ga meraba e e farologaneng e e bogelwang le ya bobegakgang-bontsi mo mabakeng a a farologaneng e.g.
Lemoga a bo a tlhalosa ditegeniki tsa dikerafo, jaaka, mmala, bobopi/moakanyetso, tlhopho ya dipono, jj.
Lemoga ka moo meraba e rulaganngwang ka teng.
Bogela a bo a anaanela ka ga meraba e e farologaneng e e bogelwang le ya bobegakgang-bontsi mo mabakeng a a farologaneng e.g.
Tlhalosa merero/dithitokgang le mathata a bo a neelane ka dikakanyo tse di tshegeditsweng ka mabaka.
Bogela a bo a anaanela ka ga meraba e e e e bogelwang le ya bobegakgang-bontsi mo mabakeng a a farologaneng e.g.
Lemoga a bo a tlhalosa ditegeniki tsa dipone le tsa modumo, tlhopho ya meriti (images), dikhutlo tsa khemera, sebopego le bobopi (moakanyetso), dikerafiki, jj.
Tlhalosa merero/dithitokgang, poloto, maitshetlego, le baanelwa (boanedi).
Tlhalosa tebelelo ya mokwadi, ka moo bokao bo tlhamilweng ka teng, le ka maemo a mmuisi a beilweng mo go ona, jaaka, A mokwadi o anela kgang jaaka mmogedi kgotsa jaaka mo-na-le-seabe O ikutlwa jang mabapi le moanelwamogolo A o mo utlwela botlhoko kgotsa o a mo nyatsa Mokwadi o dira jang gore o ikutlwe jalo?
Moithuti o kgona go buisa le go bogela a batla kitso le go ijesa monate, mme a arabe ka go sekaseka dielo tsa bontle le botaki, setso le maikutlo tse a di fitlhelang mo merabeng.
Lemoga puo e e dirisiwang mo mefuteng e e farologaneng ya meraba puo-sebui mo dianelaphologolong, latelanya mafoko mo ditsamaisong, puo ya tirwa mo dipegelong, jj.
Lemoga le go tlhalosa dielo tsa setso, loago, tikologo le botho mo merabeng jaaka, molaetsa wa kanedi le bomosola jwa ona mo mabakeng a a farologaneng, merero ya itekanelo le tekatekano mabapi le maemo a a farologaneng le baanelwa, jj.
Lemoga gore mefuta e e farologaneng ya dikwalwa (jaaka, dikwalo tsa maitlhomo, dikanedi tsa meka (mystery stories), jj.
Lemoga mabaka a a farologaneng a meraba a bo a sekaseka ka moo puo le mmuo o farologanang go ya ka mabaka le ka bareetsi ka teng.
Tlhalosa a bo a bapisa ka moo bakwadi ba ba farologaneng ba tlhalosang merero kgotsa mathata a seloago le setso ka teng ka ditlhogo tse di farologaneng.
Lemoga a bo a sekaseka diponagalo tsa mefutakwalo e e farologaneng kgotsa mefuta ya meraba (jaaka, melawana le thulaganyo e e dirisiwang mo mefuteng e e farologaneng ya maboko, lephelo, diathikele tse di farologaneng tsa dikuranta, jj.).
Tlhalosa go farologana ga dielo tsa setso le seloago mo merabeng.
Sekaseka kamego ya lonyatso le ditemalo, a bo a tlhalosa ka moo di ka gwetlhiwang ka teng tsa bo tsa fetolwa, mme a ntshe dikakanyo tsa gagwe ka mabaka.
Lemoga dikakanyokgolo le dikakanyo tse di tse a di fitlhelang mo morabeng.
Latlhela bofofu tebang le dintlha tse di rileng mo merabeng, jaaka, dipegelo tsa bosa, mananeo a dibese, dimmapa, jj.
Ranola meraba e e bogelwang e e bonolo mananeo, ditšhate, dipapetlanapepentsho, dikerafo, dimmapa e bile a ka fetola moraba go tswa mo sebopegong se se rileng go ya go se sengwe.
Tlhopha meraba e e maleba go ipatlela tshedimosetso, jaaka, dithanodi, diensaetlelopedia le dibukatshedimosetso.
Ranola a bo tlhalosa meraba e e bogelwang e e matswakabele jaaka, mananeo, ditšhate, dipapetlanapepentsho, dikerafo, dimmapa e bile a ka fetola moraba go tswa mo sebopegong se se rileng go ya go se sengwe.
Tlhopha meraba e e maleba a bo a dirisa bokgoni jwa go tlhotlhomisa, go bona tshedimosetso mo dithanoding, dibukatshedimosetsong le dibukathutong go tswa mo metsweding ya setšhaba kgotsa mo bobegakgannye jwa seileketeroniki (fa bo le teng).
Tlhopha meraba e e maleba go tswa mo metsweding e e farologaneng a e dirisetsa ditlhokego tsa gagwe le tsa tshedimosetso, jaaka mo baaging ba a phela le bona le ka bobegakga jwa seileketoroniki (fa bo le teng).
kwalela mabaka a a farologaneng.
Kwalela mabaka a sebele sa gagwe, a go utulola, a go tshameka, a go tlhagisa maitlhomo le botlhami sekao: makwalo, ditemana tse di tlhalosang, dilimeriki, jj.
Kwalela babuisi/babogedi ba ba farologaneng, meraba ya tshedimosetso e e tlhagisang dikakanyo tse di sedifetseng sekao: dipegelo tse dikhutshwane, ditaelo, jj.
Fetola tshedimosetso go tswa mo mmopong (sebopegong) o o rileng go ya go o mongwe (jaaka, meraba e e kwadilweng e fetolelwa mo ditheiboleng, jj.).
Kwalela mabaka a sebele sa gagwe, a go utulola, a go tshameka, a go tlhagisa maitlhomo le botlhami sekao: bukatsatsi, dikanedinyana tsa metlae, dikanedi, maboko, jj.
Kwalela a bo akanyetsa babuisi/babogedi meraba e e bogelwang a tlhalosa tshedimosetso ka mo kgwa o o sedifetseng le ka bokgabale jaaka, dipapatso, makwalokgang, mmapa o o nang le ditshwantsho le dileibole, jj.
Fetola tshedimosetso go tswa mo mmopong (sebopegong) o o rileng go ya go o mongwe (jaaka, tshedimosetso e fetolwa go tswa mo theiboleng go ya mo temaneng kgotsa mo kerafong, jj.).
Kwalela mabaka a sebele sa gagwe, a go utulola, a go tshameka, a go tlhagisa maitlhomo le botlhami sekao: dijenale, maboko, dianelalebopo, mmuisano, ditlhamo tsa ngangisano, jj.
Kwalela a bo akanyetsa babuisi/babogedi meraba e e bogelwang ka mokgwa o o sedifetseng le ka bokgabale, a dirisa puo, modumo, dikerafiki le moakanyetso jaaka, CD le diphuthelo tsa dibuka, dipapatso tsa thelebišene kgotsa tsa radio, makwalokgang a a nang le dinepe.
Ipatlisisa ka e bile a tlhatlhoba sekwalwa le setlhangwa.
kwalela mabaka a a farologaneng.
Phasalatsa sekgemetšhana sa bofelo ka go abelana le babogedi/bareetsi kgotsa morutabana yo o maleba.
Tlhagisa tiro a dirisa mokwalo o o phepa o o bonalang ka sebopego sa nnete, (jaaka, ditlhogo, kgaoganyo e e siameng ya ditemana).
Tlhagisa tiro e e phepa ka mokwalo o o bonalang go etswe tlhoko tlhagiso (jaaka, sephuthelo, setlhogo, ditlhogo, jj le dikerafiki tse di maleba).
Ipatlisisa a bo a sekaseka diphoso tsa leungo/sekgemetšhana sa bofelo ka boena, le ka thuso ya baithuti-ka-ena le ya morutabana.
Tlhagisa tiro e e phepa ka mokgwa o o kgatlhang, (jaaka, sephuthelo, tsebe ya diteng, thulaganyo (layout) le ditshwantsho tse di maleba kgotsa dikerafiki, jj.
Moithuti o kgona go kwala mefuta e e farologaneng ya meraba ya Dirisa kitso ya gagwe ya puo mo maemong a a boammaaruri le ya maitlhomo a farologaneng: kwalela mabaka a a farologaneng.
Tlhopha le go dirisa mefuta e e farologaneng ya mafoko go tswa mo maitemogelong a puo, ditiro, dikwalo, puo ya molomo ya baithuti-ka-ena le ba bangwe.
Suta go tswa mo pakeng e nngwe go ya go e nngwe ka tlhomamo le ka tshwanelo.
Dirisa thutapuo, mopeleto le matshwaopuiso ka tshwanelo.
Dirisa thanodi kgotsa thanodi ya makaelagongwe le malatodi go netefatsa mafoko.
Dirisa puo-sebui le puo-pegelwa ka nonofo le ka tshwanelo.
Dirisa thutapuo, mopeleto le matshwaopuiso ka tshwanelo.
Peleta mafoko a a dirisiwang kgabetsakgabbetsa ka nepagalo a bo a netefatse mopeleto wa mafoko a mašwa.
Farologanya tatelano ya mafoko go gatelela le go tsepamisa matlho mo ntlheng e e riling.
Bontsha mekgwa e e farologaneng ya go golaganya ditemana, a bo a tsenya dikeafiki ka tshwanelo go bopa moraba otlhe.
Tlhalosa go tlholana mo merabeng e e kwadilweng, tlhotlhe, morago a e dirisetse go ithuta. le puo e e dirisiwang go go tlhalosa jaaka, Leng .. .. , morago.. .. . , fa....
Lemoga bokao jo bo tlhaelang, jo bo sa tlhalosiweng ka tlhamalalo, e bile a ka tlhalosa ka moo bokao bo senotsweng ka teng.
Tlhopha a bo a batlisisa metswedi e e farologaneng tebang le ditebelelo tse di farologaneng tsa setlhogo.
Tlhalosa diphokelelo tsa tiriso (context) mo tshedimosetsong.
Fetola tshedimosetso go tswa mo puong nngwe go ya go e nngwe.
Sekaseka bonnete le kamego ya tiriso le maemo a bakwadi.
Fetola popego ya tshedimosetso jaaka, sebopego sa ditheibole se ya kwa go sa mokwalo, kgotsa se fetogela kwa dikerafong, jj.
Tlhalosa a bo a bapisa tshedimosetso e e bonweng tlhotlhe, morago a e dirise go ithuta.
Atlhola go ya ka tshedimosetso a bo a dira ditshwetso.
Rulaganya tshedimosetso ka ditemana, farologaneng.
Tlhatlhoba a bo a swetsa, mme a bo a ka kgonago tlhalosa mabaka a gagwe.
tlhama le go ranola meraba.
Netefatsa mopeleto mo thanoding.
Dirisa dipaka tse di matswakabele ka nepo jaaka, Pakaphethi-tsweledi - O ne a lebeletse thelebišene fa .. .. ...
Dirisa matshwaopuiso sentle (ditsejwana tebang le puo-sebui, lenalana).
Dirisa medumopuo le melawana ya mopeleto go peleta mafoko ka nepagalo.
Dirisa matshwaopuiso sentle (tiisa tiriso ya matshwaopuiso a a ithutileng go fitlha fa).
Dirisa medumopuo le melawana ya mopeleto go peleta mafoko ka nepagalo.
Dirisa dipaka tse di matswakabele ka nepo -dipolelo tse di nang le polelwana e e ikemetseng ka boyona (Polelwanakutu) le pole- lwana e e golaganngwang ka lekopanyi (jaaka, Le fa tshipi e ne e lela, Rapula ga a ka a tshikinyega.
Dirisa mokgwa wa tirwa go tsepamisa matlho mo sedirweng sa polelo, jaaka, Gouta e epiwa mono Aforika Borwa.
tlhama le go ranola meraba.
Golaganya dipolelo mo temaneng e e logaganeng a dirisa (sekao: makopanyi a tshwana le, 'le', 'kwa bokhutlong' le 'maemedi').
Tlhaloganya a bo a dirisa puo ya botshwantshi, jaaka tshwantshanyo le tshwantshiso Mmaphefo o bogale jaaka tau. Kefilwe ke Saatane.
Dirisa 'puo-ka-puo' (jaaka, 'puo-sebui' le 'puo-pegelwa', 'maele', 'diane', 'puo ya tlhwaafalo', 'puo e e seng ya tlhwaafalo', 'tshwantshanyo', 'ditsejwana/matshwaonopolo').
Sutasuta go tswa mo pakeng nngwe go ya go e nngwe ka tshwanelo.
Tlhaloganya a bo a dirisa puo ya botshwantshi, jaaka, mothofatso, Loso, o setlhogo jang! O tsaya mogolo le losea.
Godisa temogo ya puo ya bosekaseki, aaka, go utolola puo le botshwantshi jo bo dirisiwang go aga ditemalo tsa lotso, bong, tsa mefuta e mengwe.
Dirisa 'puo-ka-puo' (jaaka, 'mabadi' le 'makopanyi', 'polelotlhogo', 'bareetsi', 'paka', 'mothofatso').
Sutasuta go tswa mo pakeng nngwe go ya go e nngwe ka tshwanelo.
Tlhaloganya a bo a dirisa puo ya botshwantshi, jaaka, tshwantshiso, (Mpho ke tau. Rapula ke moengele).
Godisa temogo ya puo ya bosekaseki, jaaka, go utolola puo ka moo puo e dirisiwang ka teng mo dipapatsong go re rotloetsa go reka dilo tse re sa di batleng, mme go silafatswe tikologo.
Dirisa 'puo-ka-puo' (jaaka, 'polelwanakutu' le 'polelwanakala', 'lekopanyi', 'mokgwa wa tira le tirwa', 'tshwantshiso').
Mo kgatong e, baithuti ba kopanya le go tiisa se ba se ithutileng mo kereiting tse di kwa tlase, mme ba ipaakanyetsa thuto e e tsweledisiwang pele le lefatshe la tiro. Ba ipaakanyetsa go nna batsaya-seabe mo setšhabeng sa temokerasi, le go inaakanya le merero ya loago le tikologo, jaaka HIV/AIDS, le go dira ka tsela e e siameng. Ba tlhoka go dirisa puo mo mabakeng a bone, a botlhe, a semmuso le a thuto.
Boiphediso le ditšhono tsa go ithutela kwa pele.
Ditshiamelo le maikarabelo a bona jaaka baagi mo setšhabeng sa temokerasi le sa ditsodintsi.
Tsepamiso ya kgato e, e mo go kopanyeng le go tiiseng katoloso ya puo, le go buisa le go kwala.
Buisa le go kwalela mabaka a a farologaneng - ditlhokego tsa semmuso le tse e seng tsa semmuso, tsa setšhaba le tsa bobona/sebele.
Nna babuisi ba ba tlhagafetseng ba ba kgonang go tlwaela diphetogo tse di farologaneng ba ba kgonang go itshekatshekela tshedimosetso ka bobona.
Nna bareetsi ba ba matlhagatlhaga, ba ba tsebentlha, ba ba buang puo ka go itshepa, e bile ba supa maikutlo mo bareetsing ba bona.
Sekaseka puo, ba tlhaloganye gore e dira jang, mme ba e dirisetse mabaka a bona.
Moithuti o kgona go theeletsa tshedimosetso le go itumela, mme a tsibogele ka tshwanelo le ka bosekaseki mo mabakeng a a farologaneng.
Baithuti ba tla reetsa ka matlhagatlhaga mefuta e e farologaneng e bile e aname ya ditlhangwa tsa molomo, ba di sobokanye, ba di kwale/rekote ba bo ba di tsibogele ba le tsebentlha.
Moithuti o kgona go buisana ka go itshepa le ka nonofo mo mabakeng a a farologaneng.
Baithuti ba tla bua ka go itshepa mo phatlalatseng, mme ba tlhaeletsane sentle ka nonofo le ba bangwe. Seno se botlhokwa mo tirong le go ithutela kwa pele.
Moithuti o kgona go buisetsa le go bogelela kitso le go itumela, mme a tsibogele ka bosekaseki mosola wa bokgabale, setso le maikutlo tse di fitlhelwang mo merabeng.
Puiso ke motheo wa go kwala le sekgontshi sa go ithutela botshelo jotlhe. Baithuti ba tshwanetse go buisa ditl-hangwa tsa mo Aforika Borwa le tsa Boditšhatšhaba, tsa maitlhomo le tse e seng tsa maitlhomo go godisa puo, kitso ka kakaretso, go itumedisa le kgolo ya baithuti ya sebele.
Moithuti o kgona go kwala mefuta e e farologaneng ya meraba ya boammaaruri le e e seng ya boammaaruri mo mabakeng a a farologaneng.
Go kwala ke sekgontshi sa go ikakanya le go ithuta, gape ke mokgwa wa go tlhaeletsana. Go le gantsi ke mokgwa/tsela ya go tlhatlhoba baithuti, ka jalo go kwala go botlhokwa mo go ithuteleng pele le go thapiwa.
Moithuti o kgona go dirisa puo go akanya le go batla mabaka, mme a fitlhelele, a tlhotlhe, le go dirisa kitso go ithuta.
Bokgoni jwa go akanya le tshedimosetso ya kgono ya go buisa le go kwala ke tsela e e botlhokwa ya go ithutela botshelo jotlhe le go fitlhelela Dipoelothuto tse di Botlhokwa le tsa Kgolo.
Moithuti o kgona go dirisa medumo, mafoko le thutapuo ya puo go tlhama le go ranola meraba.
Baithuti ba tla batlisisa gore puo e dira jang, mme ba godisa puo e ba e abelanang ya go bua ka ga puo (puo-ka-ga-puo/'metalanguage'), gore ba tle ba kgone go sekaseka meraba ya bona le e mengwe tebang le bokao, nonofo le nepagalo. Gape, ba tla kgona go dirisa kitso e go lekeletsa go bopa bokao (go tswa mo mafokong le mo dipolelong go fitlha ka meraba yotlhe) ka puo, le gore ba bone ka moo moraba le tiriso di tsamaelanang ka teng. Ba tla lemoga ka moo puo e fetogang le dinako le fa e kopana le ditso tse dingwe ka teng, le ka moo e fetogang ka teng mo mabakeng a a farologaneng.
Baithuti mo Kereiting ya 7, 8 le 9 ba tshwanetse go buisa le go bogela meraba e e farologaneng ya Aforika Borwa le ya boditšhabatšhaba, go akaretsa dibuka tse ba di baletsweng.
Tlhopho ya meraba e mekhutshwane jaaka dimakasine, dikuranta, diphasalatso, phousetara, dipuo, dipuisano tsa seyalemowa, manaane a thelebišene, dibidio tsa mmino.
Metshameko ya dikgaolo di le tharo-tlhano.
Tlhopho ya meraba e mekhutshwane jaaka dimakasine, dikuranta, diphasalatso, dipuo, tlhatlhelelo (lectures), terama ya seyalemowa, terama ya thelebišene le mananeo a a faphegileng (documentaries), dividio tsa mmino.
Maitshetlego a a humileng a le maleba a loago le hisetori, a a tsweletsang go tlhaloganya boswa jwa puo.
Dipoloto le dipolotwana tse di matswakabele.
Dithitokgang tse di gwetlhang le tse di rotloetsang, mme di tsweletsa go tlhaloganya dielo.
Baanelwa ba madi le nama mo dikgolaganong tse di tswelelang.
Ditaele tse di farologaneng, ka dipolelo tsa dipopego tse di farologaneng.
Tlotlofoko e e gwetlhang le tiriso e e tlhomameng ya tiriso ya mmuo wa puo.
Mefuta ya puo botshwantshi le dikapuo.
Meraba e e bogelwang (go akarediwa difilimi) tse di bontshang tiriso ya mmala o montsho le o mosweu, botlhokwa jwa tlhamego ya tsona, lesedi, tebego ya tsona le go tshwantsha o godisa le go tshwantsha o ngotla.
Meraba e e dirisang botshwantshi le go kwala (le mekgwa e mengwe ya kgolagano) mo popegong ya yona.
Meraba e e letlang baithuti go sekaseka sejwalejwale le bobegakgang.
Mefutapuo: mefuta e e golaganeng le kgaolo (ditengwana) mophato (mmuo); le phokelelano ya dipuo.
Moithuti o kgona go theeletsa tshedimosetso le go e itumelela, mme a tsibogele ka tshwanelo le ka bosekaseki mo mabakeng a a farologaneng.
Reetsa le go itumelela puo ya thadiso kgotsa e e tlhagisang maikutlo, ya go ikakanyetsa ya meraba/ ditlhangwa tsa boanedi (sekao: dibalate, dikhutshwe, thutaditso).
Akanya ka ga megopolo, botsa dipotso ledikgwetlho mo go tlhokegang.
Lemoga ka moo meraba e e tlwaelegileng ya motlotlo e rulagantsweng ka teng, le go tlhalosa dingwe tsa diponagalo tsa yona (sekao: pegelo ya bosa, dikaelo, metlae, dipina) Se, se akaretsa go lemoga didiriswa tse di dirisetswang metlae jaaka, kgaotso le tiriso mela e e tlhagang e emisiwa.
Tlhaola le go ranola ka tshwanelo, tiriso ya ditogamaano tse e seng tsa molomo (sekao: ditlhagiso tsa sefatlhego, tiriso ya diatla le modumo).
Tlhaola mafoko, dikapolelo le dipolelo tse di gwetlhang bareetsi le go tlhalosa tlhotlheletso ya tsona (sekao: puo ya maikutlo, pharologanyo fa gare ga dintlha le megopolo, tlhotlhololo le kgobelelo).
Reetsa le go itumelela puo ya thadiso kgotsa e e tlhagisang maikutlo, ya go ikakanyetsa ya meraba/ditlhangwa tsa boanedi (sekao: dibalate, dikhutshwe, thutaditso).
Akanya ka ga megopolo, botsa dipotso le dikgwetlho mo go tlhokegang.
Lemoga ka moo meraba e e tlwaelegileng ya motlotlo e rulagantsweng ka teng, le go tlhalosa dingwe tsa diponagalo tsa yona (sekao: pegelo ya bosa, dikaelo, metlae, dipina) Se, se akaretsa go lemoga didiriswa tse di dirisetswang metlae jaaka, kgaotso le tiriso mela e e tlhagang e emisiwa.
Tlhaola le go ranola ka tshwanelo, tiriso ya ditogamaano tse e seng tsa molomo (sekao: ditlhagiso tsa sefatlhego, tiriso ya diatla le modumo).
Tlhaola mafoko, dikapolelo le dipolelo tse di gwetlhang bareetsi le go tlhalosa tlhotlheletso ya tsona (sekao: puo ya maikutlo, pharologanyo fa gare ga dintlha le megopolo, tlhotlhololo le kgobelelo).
Reetsa le go itumelela puo ya thadiso kgotsa e e tlhagisang maikutlo, ya go ikakanyetsa ya meraba/ditlhangwa tsa boanedi (sekao: dibalate, dikhutshwe, thutaditso).
Akanya ka ga megopolo, botsa dipotso le dikgwetlho mo go tlhokegang.
Lemoga ka moo meraba e e tlwaelegileng ya motlotlo e rulagantsweng ka teng, le go tlhalosa dingwe tsa diponagalo tsa yona (sekao: pegelo ya bosa, dikaelo, metlae, dipina) Se, se akaretsa go lemoga didiriswa tse di dirisetswang metlae jaaka, kgaotso le tiriso mela e e tlhagang e emisiwa.
Tlhaola le go ranola ka tshwanelo, tiriso ya ditogamaano tse e seng tsa molomo (sekao: ditlhagiso tsa sefatlhego, tiriso ya diatla le modumo).
Tlhaola mafoko, dikapolelo le dipolelo tse di gwetlhang bareetsi le go tlhalosa tlhotlheletso ya tsona (sekao: puo ya maikutlo, pharologanyo fa gare ga dintlha le megopolo, tlhotlhololo le kgobelelo).
Moithuti o kgona go theeletsa tshedimosetso le go e itumelela, mme a tsibogele ka tshwanelo le ka bosekaseki mo mabakeng a a farologaneng.
Lemoga le go amogela mefutapuo mo puong jaaka, ditengwana le dipuo tsa mephato e e farologaneng jaaka mmuo.
Go tlhaola mesola ya hisetori, loago le setso ya bokaelo jwa meraba e e tlhophilweng.
Lemoga le go amogela mefutapuo mo puong jaaka, ditengwana le dipuo tsa mephato e e farologaneng jaaka mmuo.
Go tlhaola mesola ya hisetori, loago le setso ya bokaelo jwa meraba e e tlhophilweng.
Lemoga le go amogela mefutapuo mo puong jaaka, ditengwana le dipuo tsa mephato e e farologaneng jaaka mmuo.
Go tlhaola mesola ya hisetori, loago le setso ya bokaelo jwa meraba e e tlhophilweng.
Moithuti o kgona go bua/buisana ka nonofo le bokgoni ka puo e e Tlotla dikakanyo le maikutlo ka phuthologo le nonofo, buiwang mo mabakeng a a le ka thuso nngwe, a dirisa mefuta ya meraba ya farologaneng. motlotlo o o tlhophilweng (sekao: dikgang, metlae, diterama).
Tlotla dikakanyo, dintlha le megopolo sentle le ka nepagalo le kgolagano, a dirisa mefuta ya meraba ya motlotlo o o sa namang (sekao: dipuisano, dikganetsano tse dikhutshwane).
A tshwara dipotsolotsano le balekane a dirisa dipotso tse di bonolo.
Tlotla dikakanyo le maikutlo ka boitlhamedi le phuthologo le nonofo e kgolo, le ka thuso e nnye, a dirisa mefuta ya meraba ya motlotlo o o tlhophilweng (sekao: diterama, ketsisa-tiragalo, dipina).
Tlotla dikakanyo, dintlha le megopolo sentle le ka nepagalo le kgolagano e kgolo, mo ditlhogong tsa mefuteng ya meraba ya motlotlo o o namileng. sekao: dipuisano, dikganetsano.
Ka go tshwara dipotsolotsano le baagi a dirisa dipotso tse di bonolo.
Tlotla dikakanyo le maikutlo ka boitlhamedi le phuthologo le nonofo le ka boikamelo, a dirisa mefuta ya meraba ya motlotlo o o tlhophilweng (sekao: diterama, maboko).
Tlotla dikakanyo, dintlha le megopolo sentle le ka nepagalo le kgolagano a dirisa ditlhogo tse di gwetlhang tsa mefuta ya meraba ya motlotlo o o namileng. sekao: tlhalosetso ya diragalo tsa thekenoloji jaaka go dirisa khompiotara le setshameka-divideo.
Ka go tshwara dipotsolotsano ka tshwanelo a dirisa dithekeniki tse di kwa godimo tsa dipotsolotso (sekao: go botsa dipotso tse di utulolang).
Moithuti o kgona go bua/buisana ka nonofo le bokgoni ka puo e e Supa dikgono tse di bonolo tsa kgolagano ka go nna lebuiwang mo mabakeng a a seabe mo dipuisanong tsa setlhopha, dipotsolotsano, farologaneng.
Go gwetlha tiriso ya puo e e seng masisi le e e tlhotlhololang.
Go gwetlha tiriso ya puo e e seng masisi le e e tlhotlhololang.
Go farologanya gore o supang leng masisi go ditshwanelo le maikutlo a ba bangwe le gore oka emelelana leng le go tlhoka masisi kgotsa tlhotlhololo.
Moithuti o kgona go bua/buisana ka nonofo le bokgoni ka puo e e Go neelana ka metlotlo ka nepagalo le boitlhamedi, o buiwang mo mabakeng a a etse tlhoko: farologaneng.
Malepa a dikapuo a a maleba jaaka setlhoa le tshitasetlhoa.
Lemoga le go tlhalosa katlego ya gagwe ya kgolagano.
Malepa a dikapuo a a maleba jaaka setlhoa le tshitasetlhoa le pheteletso.
Go tlhaola le go tlotla ka ga dingwe tse di nang le seabe mo katlegong ya gagwe ya kgolagano.
Malepa a dikapuo a a maleba jaaka setlhoa le tshitasetlhoa le pheteletso le dipotso.
Go tlhatlhoba katlego ya go golagana ga mongwe le go tokafatsa.
Moithuti o kgona go buitsetsa le go bogelela tshedimosetso le go e itumelela, le go tsibogela ka bosekaseki dielo tsa bokgabale, setso le maikutlo tse di mo merabeng.
Buisa ka nosi, mme mo mabakeng a le mantsi a buisetsa monate le tshedimosetso go anama le mefuta ya meraba e e ithutilweng, a tlhalosa ditsibogelo tsa gagwe le go tlotla ka mefuta ya meraba e a e itumelelang.
Buisetsa godimo le ka setu no mabakeng a a farologaneng, a dirisa mekgwa e e maleba ya go buisa go tlhokola le go senola, go abelela, metlhala ya bokaelo, ditswetso.
Tlhaola maikaelelo, bareetsi le bokaelo jwa moraba.
A tlhaola mereromegolo le go tlhalosa gore dintlha di thusa moreromogolo jang.
Tlhaola meraba e e farologaneng le diponagalo tsa yona tse dikgolo le go tlhalosa tsela e moraba o rulagantsweng ka teng sekao: maboko, diathikele tsa dikuranta, dikhutshwe, dipapatso, diathikele tsa dimakasini tse dikhutshwane.
Buisa ka nosi, mme mo mabakeng a le mantsi a buisetsa monate le tshedimosetso go anama le mefuta ya meraba e e ithutilweng, a tlotla ditsibogelo tsa gagwe le ka ga mefuta ya meraba e a e itumelelang le go atlenegisa meraba e go ba bangwe.
Buisetsa godimo le ka setu mo mabakeng a a farologaneng, a lomaganya dithekeniki tse di maleba tsa go buisa tse ithutilweng mo dikereiting tse di kwa tlase.
Tlotla maikaelelo, bareetsi le bokaelo jwa moraba.
A tlhaola le go tlhalosa tebelo tse di farologaneng.
Tlhalosa ka moo diponagalo tse dikgolo le thulaganyo ya mefuta ya meraba e thusang go tlhalosa ka moo moraba o dirang ka teng. (sekao: maboko, dipatsana, diartikele tsa dikuranta, makwalo, dibalate, ditshekatsheko tsa dibuka).
Buisa ka nosi, mme mo mabakeng a le mantsi a buisetsa monate le tshedimosetso go anama le mefuta ya meraba e e ithutilweng, a tlotla ditsibogelo tsa gagwe le ka ga mefuta ya meraba e a e itumelelang le go atlenegisa meraba e go ba bangwe.
Buisa ka nosi, a buisetsa kwa godimo le ka setu mo mabakeng a a farologaneng, a lomaganya dithekeniki tse di maleba tsa go buisa tse ithutilweng mo dikereiting tse di kwa tlase.
Tlotla le go tlhalosa maikaelelo, bareetsi le bokaelo jwa moraba.
A tlhaola mereromegolo le go tlhalosa gore dintlha di thusa moreromogolo jang a sekaseka dikakanyo a tlotla ditebelo tse di farologaneng.
Tlotla ka moo diponagalo tse dikgolo le thulaganyo ya mefuta ya meraba e thusang go tlhalosa ka moo moraba o dirang ka teng. (sekao: maboko a maleele, dipatsana, diartikele tsa dikuranta, makwalo, dibalate, ditshekatsheko tsa dibuka).
Moithuti o kgona go buitsetsa le go bogelela tshedimosetso le go e Supa go tlhaloganya moraba, maikaelelo a ona le itumelela, le go tsibogela ka kgolagano le botshelo jwa gago ka go sekaseka poloto, bosekaseki dielo tsa bokgabale, merero, baanelwa le lefelo. setso le maikutlo tse di mo merabeng.
Dithekeniki tsa khamera le filimi (bogaufi le bokgakala).
Go tlhaola mekgwa e mokwadi a bopang puiso ya moraba ka teng ka tlhopho ya mafoko.
Supa go tlhaloganya moraba, maikaelelo a ona le kgolagano le botshelo jwa gago ka go tlotla poloto, merero, mosola le lefelo.
Mosola wa dipopi tsa kagego.
Mosola wa dithekeniki tsa khamera le filimi (bogaufi, bokgakala, dikhutlo tsa khamera, ponelomorago).
Go lemoga se se tlogetsweng mo morabeng le go sekaseka go re goreng, le go botsa gore a o dumelelana le melaetsa e e mo morabeng.
Supa go tlhaloganya moraba, maikaelelo a ona le kgolagano le botshelo jwa gago ka go sekaseka tswelelo ya poloto, merero, mosola le lefelo.
Mosola wa dipopi tsa kagego.
Mosola wa dithekeniki tsa khamera le filimi (bogaufi, bokgakala, dikhutlo tsa khamera, ponelomorago).
Go lemoga se se tlogetsweng mo morabeng le go sekaseka go re goreng, le go botsa gore a o dumelelana le melaetsa e e mo morabeng.
Moithuti o kgona go buitsetsa le go bogelela tshedimosetso le go e itumelela, le go tsibogela ka bosekaseki dielo tsa bokgabale, setso le maikutlo tse di mo merabeng.
Tlhaola le go tlotla merero ya loago, setso, tikologo le setho e e mo merabeng (jaaka, e tlhagisiwa ke mefama e e farologaneng ya moraba jaaka diteng, puo, botaki, baanelwa).
Sekaseka dikgono tsa gagwe jaaka mmuisi.
Tlhaola le go tlotla merero ya loago, setso, tikologo le setho e e mo merabeng le go tlhaola mefama ya meraba e e tshotseng mesola e e golaganeng le yona (sekao: diteng, puo, botaki, tebelo, baanelwa).
Sekaseka dikgono tsa gagwe jaaka mmuisi.
Naya katlholo ka ga merero ya loago, setso, tikologo le setho e e mo merabeng le go tlhaola mefama ya meraba e e tshotseng mesola e e golaganeng le yona (sekao: diteng, puo, botaki, tebelo, baanelwa).
Sekaseka dikgono tsa gagwe jaaka mmuisi.
Go tlhagisa maitlhomo, dikakanyo le maikutlo ka mabakeng a a farologaneng.
Go tlhotlhomisa tiriso ya puo ya botlhami le e e tshamekang ka go kwala ditlhamo tse di anelang le tse di tlhalosang, dibukatsatsi, makwalo a botsalano, dipuisano, maboko le dipina.
Tlhagisa meraba e e tlhophilweng ya dintlha tsa boammaaruri le meraba e e dirisang mekgwa e e farologaneng mo mabakeng a a farologaneng, a dirisa didiriswa tsa pono le tsa botaki mo go tshwanelang, ka go dirisa pegelo ya mmoni, diphousetara, dipegelo tsa dibuka, diresepe, metshameko.
Supa dikgono tse di bonolo mo diponagalong tse di tlhophilweng tsa go kwala, di le maleba le mofuta wa moraba sekao: go lemoga maitshetlego le poloto mo padding; lemoga moribo le morumo mo pokong, a dirisa puo e e bonolo mo dithanolong tse di bonolo, a supa tatelano mo dithulaganyong.
Go tlhotlhomisa tiriso ya puo ya botlhami, le ya bosekaseki le e e tshamekang ka go kwala ditlhamo tse di anelang le tse di tlhalosang dipuisano, maboko le dipina le makwalo.
Tlhagisa meraba ya dintlha tsa boammaaruri le meraba e e dirisang mekgwa e e farologaneng mo mabakeng a a farologaneng, a dirisa didiriswa tsa pono le tsa bobopi mo go tshwanelang, ka go dirisa pegelo ya ditiragalo, dipegelo tsa diporojeke tsa ditlhotlhomisi, diphousetara, le dipegelo tsa dibuka.
Supa dikgono tse di bonolo mo diponagalong tse di rileng tsa go kwala, di le maleba le mofuta wa moraba (sekao: senola baanelwa, go lemoga maitshetlego le poloto mo dikaneding le mo dikwalong tse di tlhalosang, a dirisa botshwantshi jo bo bonolo mo pokong).
Go tlhotlhomisa tiriso ya puo ya botlhami, le ya bosekaseki le e e tshamekang ka go kwala ditlhamo tse di anelang le tse di tlhalosang dipuisano, maboko le dipina le makwalo dikhutshwe, terama e e utlwiwang le go bonwa.
Tlhagisa meraba ya dintlha tsa boammaaruri le meraba e e dirisang mekgwa e e farologaneng mo mabakeng a a farologaneng, a dirisa didiriswa tsa pono le tsa bobopi mo go tshwanelang, ka go dirisa pegelo ya ditiragalo, dipegelo tsa diporojeke tsa ditlhotlhomisi, diphousetara, le dipegelo tsa dibuka, dipegelo tsa dibuka, pegelo ya mmoni, pegelo ya kuranta, lemorago la boithutedi, dintlhakgolo tsa pitso le metsotso ya pitso.
Supa dikgono tse di bonolo mo diponagalong tse di rileng tsa go kwala, di le maleba le mofuta wa moraba (sekao: go tsweletsa baanelwago lemoga maitshetlego le poloto mo dikaneding le mo dikwalong tse di tlhalosang, a dirisa botshwantshi jo bo namileng mo go kwaleng poko).
mabakeng a a farologaneng.
Phasalatsa kumo ya bofelo, o etse tlhoko tebego le matshwaotota a bobopi.
Phasalatsa kumo ya bofelo, o etse tlhoko tebego e e botlhami le matshwao a farologaneng a bobopi.
Phasalatsa kumo ya bofelo, o etse tlhoko tebego e e botlhami le matshwao a farologaneng a bobopi.
tlhotlhe, le go dirisa kitso e, go ithuta.
A dirisa dipopi tse di maleba tsa puo go tlhagisa mogopolo o o matswakabele sekao: mo tirisong ya dipolelwanakala-tlhalosi tsa boemo, jk. "fa o ka mpha dijo, ke tla tsamaya le wena".
Go botsa le go naya lebaka la go rarabolola mathata le go tsweletsa go akanya ka ga merero e matswakabele le maikutlo (sekao: merero ya ditshwanelo tsa botho le ya tikologo, ditlalelo tsa batho, ditlhogo go ralala kharikhulamo).
Go dirisa dipotso, ditemogotlhaelo (inference) le ditshekatsheko go tsweletsa kakanyo, le go rarabolola mathata.
tlhotlhe, le go dirisa kitso e, go ithuta.
A dirisa thekeniki e e siameng le melawana fa o dira khophi le fa o nopola tshedimosetso go tswa mo metsweding sekao: tlhagisa mokwadi, setlhogo, letlha, mophasalatsi, nomore ya ditsebe, lefelo la web jj.
A dira mo diporojekeng tse di maphataphata go ralala Dikarolo Thuto mme a tlhagisa kumo e e logaganeng.
A tokafatsa tiriso e e botoka ya thekeniki ya go kaya metswedi le melawana ya fa o dira khophi le fa o nopola tshedimosetso go tswa mo metsweding sekao: mokwadi, setlhogo, letlha, mophasalatsi, nomore ya ditsebe, lefelo la web jj.
A dira kgabetsakgabetsa mo diporojekeng tse di maphataphata go ralala Dikarolo Thuto mme a tlhagisa kumo e e logaganeng.
A dira kgabetsakgabetsa mo diporojekeng tse di maphataphata go ralala Dikarolo Thuto mme a tlhagisa kumo e e logaganeng.
tlhotlhe, le go dirisa kitso e, go ithuta.
Ka go kwala tshedimosetso mo sebopegong se se ka fitlhelelwang sekao: manaaane, dikarata tsa dikakanyo, dintlha, ditsobokanyo j.
Ka go fetola tshedimosetso go tswa mo sebopegong [kgotsa puo] se sengwe go ya go se sengwe sekao: dikarata tsa dikakanyo go ya go ditemana, manaane go ditshobokanyo j.
Ka go tlhopha tshedimosetso e e maleba ya botlhokwa go tswa mo metsweding le bathong ba ba farologaneng, le go logaganya dineelo ka dikakanyo tsa gagwe go bopa kumo e e duleng diatla.
Ka go bopa dikakanyo mo motlotlong le mo kwalong, ka mekgwa e matswakabele, a dirisa kitso ya puo.
Ka go kwala le go bua a dirisa puo le dipopipolelo tse di matswakabele thata go sedifatsa le go utlwatsa.
tlhotlhe, le go dirisa kitso e, go ithuta.
Ya go bapisa ka moo dipuo tse di farologaneng di tlhagisang mareo mo dikarolo thutong tse di farologaneng, le go bopa dikgolagano tsa go thusa go tlhaloganya le go rarabolola mathata.
Go akanya ka bokgoni jwa gagwe jaaka moabi mo ditirong tsa setlhopha le go lemoga ditšhono tsa go tswelela.
Ya go bapisa ka moo dipuo tse di farologaneng di tlhagisang mareo mo dikarolo thutong tse di farologaneng, le go bopa dikgolagano tsa go thusa go tlhaloganya le go rarabolola mathata.
Go akanya ka bokgoni jwa gagwe jaaka moabi mo ditirong tsa setlhopha le go lemoga ditšhono tsa go tswelela.
Ya go bapisa ka moo dipuo tse di farologaneng di tlhagisang mareo mo dikarolo thutong tse di farologaneng, le go bopa dikgolagano tsa go thusa go tlhaloganya le go rarabolola mathata.
A tokafatsa tebelo ya gagwe moo go tlhokegang teng, morago ga go utlwa kgotsa go buisa ditebelelo tsa ba bangwe.
A sekaseka mokgwa o dipuo di adimang mafoko ka teng go tswa mo tse dingwe, le ka moo mafokomašwa a bopiwang ka teng, le go a dirisa ka tshwanelo.
A tlhalosa mokgwa o dipuo di adimang mafoko ka teng go tswa mo go tse dingwe, le ka moo mafokomašwa a bopiwang ka teng.
A tlotla ka mokgwa o dipuo di adimang mafoko ka teng go tswa mo go tse dingwe, le ka moo mafoko a fetolang bokao go ya ka nako ka teng le ka moo mafokomašwa a bopiwang ka teng.
Go tlhaola le go dirisa maina, madiri, mathusamadiri, matlhaodi, maemedi, makopanyi, malatlhelwa, maetsi, matlhophi, j.j.
A dirisa matshwaopuiso otlhe ka tshwanelo.
Latelanya ditemana ka tsela e e utlwalang go bopa meraba e meleele.
Go tlhaola le go dirisa maina, madiri, mathusamadiri, matlhaodi, maemedi, makopanyi, malatlhelwa, maetsi, matlhophi, j.j.
A dirisa matshwaopuiso otlhe ka tshwanelo.
Latelanya ditemana ka tsela e e utlwalang go bopa meraba e meleele.
Go tlhaola le go dirisa maina, madiri, mathusamadiri, matlhaodi, maemedi, makopanyi, malatlhelwa, maetsi, matlhophi j.j.
A dirisa matshwaopuiso otlhe ka tshwanelo.
A golaganya dipolelo mo ditemaneng tse di logaganeng o dirisa makopanyi, makaelagongwe, malatodi le poeletso ya mafoko.
A dirisa dikapuo le mokgwa wa puo ka tshwanelo.
A tlhaola le go dirisa mafoko a a supang masisi go bong, lotso, tikologo, pholo le merero e mengwe ya loago le setso.
A bua ka polelonolo, polelotswako le polelopate.
A dirisa dikapuo le mokgwa wa puo ka tshwanelo.
A golaganya tlhaolo le tiriso ya mafoko a a supang masisi go bong, lotso, tikologo, pholo le merero e mengwe ya loago le setso.
Sekao: bukafoko ya makaelagongwe le malatodi, akhoronimi, mathusi, dipolelwana.
A dirisa dikapuo le mokgwa wa puo katshwanelo le botlhami.
A golaganya tlhaolo le tiriso ya mafoko a a supang masisi go bong, lotso, tikologo, pholo le merero e mengwe ya loago le setso.
Logaganya, golaganya, latelanya.
Boalo-thulaganyo jwa tlhatlhobo ya Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba ya Dikereiti tsa R-9 (Dikolo) e theilwe mo ditheong tsa thuto-tota-dipoelo. Thatlhobo e tshwanetse go naya ditshupo tsa phitlhelelo ya moithuti ka mokgwa o o nang le bokgoni; le go netefatsa gore baithuti ba logaganya le go dirisa kitso le dikgono. Tlhatlhobo gape, e tshwanetse go thusa baithuti go dira katlholo ka ga go dira ga bona, go tlhoma diphitlhelelo tsa go tswelela le go tsosolosa go ithutela pele.
baya Dielo tsa Tlhatlhobo mo pinagareng ya tiragalo ya tlhatlhobo mo kereiting nngwe le nngwe. Dielo tsa Tlhatlhobo di tlhalosa boemo jo baithuti ba tshwanetseng go supa phitlhelelo ya bona ya Dipoelethuto le mekgwa (ka boteng le bophara) ya go supa diphitlhelelo tsa bona.
Tlhatlhobo mo Kemong e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba Dikereiti R-9 (Dikolo) ke tiragalo e e tswelelang, le e e rulagantsweng, ya go kgobokanya kitso mabapi le bokgoni jwa baithuti, e lekanngwa le Dielo tsa Tlhatlhobo tsa Dipoelothuto mo Kemong e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba. E tlhoka seelo se se popomaditsweng ka tshwanelo le ditogamaano tse di maleba tsa mefuta, go kgontsha barutabana go naya pegelo e e botlalo go barutwana le go begela batsadi le batho bangwe, ba ba nang le kgatlhego.
Thuto-tota-dipoelo ke mokgwa wa go ruta le go ithuta o o tlhalosang ka tshwanelo se barutwana ba tshwanetseng go se fitlhelela. Ditheo tse e di dirisang, ke tsa gore morutabana a tlhagise pele ga nako se barutwana ba tshwanetseng go se fitlhelela. Tiro ya morutabana ke go ruta gore a thuse barutwana go kgotsofatsa ditlhokego tsa Dielo tsa Tlhatlhobo mo kharikhulamong; tiro ya baithuti ke go ithuta kgotsa go dira se Dielo tsa Tlhatlhabo di se solofelang. Tlhatlhobo e botlhokwa mo thutong-tota-dipoelo, ka ntlha ya gore go botlhokwa go tlhatlhoba fa mothuti a fitlheletse se se tlhokegang mo kereiting nngwe le nngwe.
nna mo pontsheng le go tsepamisiwa ka tshwanelo logaganngwa le go rutiwa le go ithuta thewa mo dielong tse di akanyeditsweng pele farologanngwa go ya ka mekgwa le bokaelo; le nna ya tota, e ikanyega, e le nnete, e lekalekana le moithuti, mme e le malemela-gotlhe go letla ditšhono tse di atologileng.
Maikaelelo a magolo a go tlhatlhoba baithuti ke go tiisa kgolo le tswelelo ya motho, go elatlhoko kgatelopele ya baithuti le go kgontsha go ithuta ga bona.
Tlhatlhobo-theo ya kitso ya pele, ka gale e diragala mo tshimologong ya kereiti kgotsa kgato go netefatsa gore baithuti ba setse ba itse eng. E thusa barutabana go rulaganya manaanethuto le ditiragalo tsa thuto.
Tlhatlhobo-patlisiso e dirisiwa go tlhotlhomisa boleng le se se bakang dikgoreletso mo go ithuteng gabaithuti ba ba rileng. E latelwa ke kaelo, tshegetso e e maleba le ditogamaano tsa tsereganyo.
Tlhatlhobo-phitlhelelo-kgono e elatlhoko le go tshegetsa tiragalo ya go ithuta le go rutwa, mme e dirisiwa go itsise baithuti le barutabana ka ga kgatelopele ya baithuti ka maikaelelo a go tokafatsa go ithuta. Pegelo e e rotloetsang, e newa go kgontsha baithuti go tswelela.
Tlhatlhobo-kakaretso e naya setshwano-kakaretso sa kgatelopele ya baithuti mo nakong e e rileng, sekao, kwa bofelong jwa kgwedi-tharo kgotsa ngwaga, kgotsa fa moithuti a fetisetswa kwa sekolong se sengwe.
Tlhatlhobo ya makgaolakgang ke mokgwa wa go elatlhoko bokgoni jwa thulaganyo ya thuto. Karolo nngwe ya se, ke tlhatlhobo ya bokgoni jwa moithuti go ya ka ditshupo tsa Bosetšhaba. Tlhatlhobo ya makgaolakgang e diragatswa kwa bofelong jwa kgato nngwe le nngwe ya sekgamu sa Thuto-Kakaretso le Katiso. Sampole e e akaretsang dikolo le baithuti e tlhophiwa mo porofenseng kgotsa mo nageng go dira tlhatlhobo ya makgaolakgang.
Tlhatlhobo e e tsweleleng ke mokgwa o mogolo o ka ona tlhatlhobo e diragatswang ka teng mo Kemong e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba.
diragala mo sebakeng se se rileng le gore e a tswelela: Go ithuta go tlhatlhobiwa nako le nako mme direkoto tsa kgatelopele ya baithuti di nna di le teng mo ngwageng otlhe.
tshegetsa kgolo le tswelelo ya baithuiti: Bithuti e nna batsaya-karolo ba ba matlhatlhaga mo go ithuteng le mo tlhatlhobong, ba tlhaloganya dielo tse di dirisiwang mo ditiragalong tsa tlhatlhobo, ba na seabe mo go itlhatlhobeng, ba ipeela diphitlhelelo tse di rileng, ba sekaseka go ithuta ga bona, mme ka jalo ba godise go-ikaya-bobona ga bona.
neelana ka pegelo go tswa mo go ithuteng le go rutweng: Pegelo ke ntlhapopo e e botlhokwatlhokwa mo tlhatlhobong-phitlhelelo-kgono. Mekgwa ya pegelo e akaretsa go botsa dipotso go go maleba, go tsepamisa mo ditshwaelong tsa morutabana tsa molomo le tsa kwalo ka ga se se neng se ikaeletswe go fitlhelelwa ka tiragalo ya tlhatlhobo, le thotloetso go moithuti.
go letla tlhatlhobo e e logagantsweng: Se, se ka akaretsa go tlhatlhoba Dipoelothuto tse di golaganeng mo tiragalong e le nngwe ya tlhatlhobo, le go kopanya mefuta e le mmalwa ya mekgwa ya go tlhatlhoba Dielo tsa Tlhatlhobo. Bokgoni mo Dipoelothutong tse di rileng bo ka supiwa ka mekgwa e e farologaneng, ka jalo mefuta ya mekgwa ya tlhatlhobo le ditšhono di tshwanetse go neelwa, tse baithuti ba ka supang bokgoni jwa bona ka tsona.
dirisa ditogamaano tse di neelang ka ditlhokwa tse di farologaneng tsa baithuti (tsa mmele, tsa maikutlo-sesaekholoji le setso): Tlhatlhobo e e tswelelang e letla barutabana go nna masisi go barutwana ba ba nang le ditlhokwa tse di kgethegileng tsa thuto, le go fenya dikgoreletsi mo go ithuteng ka melebo e e malemela-gotlhe. Mo setlhopheng sengwe le sengwe sa baithuti, go na le lebelo le mekgwa e e farologaneng ya go ithuta. Baithuti botlhe ga ba tlhoke go tlhatlhojwa ka nako e le nngwe fela le ka mokgwa o le mongwe fela.
letla tlhatlhobo ya kakaretso: Tlhatlalagano ya ditlamorago tsa ditiragalo tsa tlhatlhobo e e tswelelang ga, e neelana ka setshwano-kakaretso sa kgatelopele ya moithuti mo nakong e e beilweng. Tlhatlhobo-kakaretso e tshwanetse go rulaganngwa ka kelotlhoko mo tshimologong ya ngwaga, go akaretsa mefuta ya ditogamaano tsa tlhatlhobo-sekao: dithutiso, ditiro, diporojeke, ditlhatlhobo tsa sekolo le tsa phaposi-tse di tla neelang baithuti selekano sa ditšhono go supa se ba se ithutileng.
Tlhopho ya gore ke ditogamaano dife tse di tshwanetseng go dirisiwa ke ya itlhophelo ya motho, e e leng ya morutabana yoo, kereiti eo, le sekolo seo fela, mme e laolwa ke katlholo ya morutabana ya sephorofešene. Go nna teng ga boalo le didiriswa go laola tshwetso e, mme le gale fa didiriswa di tshwana, barutabana ba farologana ka ditsela tse ba dirang ditlhopho ka yona.
Mekgwa, e e tlhaoletsweng ditiragalo tsa tlhatlhobo e tshwanetse go nna maleba le Dielo tsa Tlhatlhobo tse di tlileng go tlhatlhojwa, mme maikaelelo a tlhatlhobo a tshwanetsweng go tlhalogannngwa ka tshwanelo ke baithuti botlhe le barutabana ba ba amegang. Bokgoni bo ka supiwa ka mekgwa e le mmalwa. Ka jalo mefuta ya mekgwa ya go ruta, e a tlhokega, go naya baithuti tšhono ya go supa bokgoni jwa bona ka tshwanelo.
Ditiro tse di tshwanang tsa tlhatlhobo di ka tlhamiwa mo boemong jwa bosetšhaba, porofentshe, sedika kgotsa mo setlhotshwaneng, mme di tlhatlhobiwa kwa boemong jwa sekolo, mme di lekanyediwa go sele.
go netefatsa ditšhono tse di atologileng tsa baithuti.
Sekolo mmogo le barutabana ke tsona tse di rweleng maikarabelo otlhe mo tlhatlhobong ya baithuti. Barutabana ba solofelwa go tlhama tiragalo ya tlhatlhobo e e nang le moko, e ikanyega e bile e babatsega. Dipholesi tsa porofentshe di tshwanetse go netefatsa go nna le seabe ga baithuti, ditlhopha tsa sekolo tsa tlhatlhobo, ditlhopha tsa didika tsa tshegetso, ditirelo tsa tshegetso le batsadi, jaaka dingwe tse di maleba.
Sekolo sengwe le sengwe se tshwanetseng go tlhama lenaane la tlhatlhobo le le theilweng mo dikelong tsa porofentshe le tsa bosetšhaba. Sekolo se tlhoka go nna le Togamaano ya Tlhatlhobo ya Sekolo le Setlhopha go se kgontsha go diragatswa ga lenaane le. Setlhopha se tshwanetse go nna le baemedi go tswa mo Kgatong nngwe le nngwe le mo Karolothutong nngwe le nngwe.
katiso ya badiri mo dikarolong tsa tlhatlhobo.
go fitlhelela go tshwana mo go tlhaloganyeng lenaane la tlhatlhobo la sekolo.
Go tsholwa go go siameng ga direkoto go botlhokwa mo tlhatlhobong yotlhe, segolo thata mo tlhatlhobong-tswelelo. Buka kgotsa faele ya rekoto e tshwanetse go tsholwa e le mo nakong ke morutabana mongwe le mongwe.
ditshwaelo tsa maikaelelo a go thusa.
Direkoto tsotlhe di tshwanetse go fitlhelelwa, tsa nna bonolo go ranolwa, tsa tsholwa ka polokesego, tsa nna sephiri le thuso mo tiragalong ya go ruta le go bega.
Lenaane la sekolo ya tlhatlhobo le laola dintlha tsa mokgwa o ka ona direkoto di tshwanetseng go tladiwa ka teng. Dikhoutu tsa tlhatlhobo di dirisiwa go tlhagisa mokgwa o moithuti a kgonang ka teng mo Dipoelothutong. Dikhoutu di tshwanetse go sedifala le go tlhaloganngwa ke baithuti le batsadi.
Go na le mekgwa e mentsi e pegelo ya tlhatlhobo e ka neelwang baithuti ka teng le go rekotiwa ke barutabana.
gore a bokgoni jwa moithuti bo tshwanetse go bapisiwa le jwa balekane, kgotsa le bokgoni jo bo fetileng; le /kgotsa le ditlhokego tsa Dielo tsa Tlhatlhobo le Dipoelothuto.
Dikhoutu dingwe tsa tlhatlhobo di botoka mo go maikaelelong mangwe, go na le tse dingwe. Sekao: ditshwaelo di ka nna le dintlha tse di phutholotsweng, kgotsa tsa nna bonosi, le go neelana ka ditshikhinyo tsa go tokafatsa. Ditshwaelo di botlhokwa mo neeleng pegelo ka ga bokgoni jwa moithuti tebang le Dielo tsa Tlhatlhobo. Le fa go le jalo ditshwaelo di tsaya nako e telele go kwalwa, mme ga di bonolo go di rekota. Dikhouto jaaka "Sentle thatathata", "Sentle thata", "Sentle", "O a kgona" le "Bokgoni jo bo tlhaelang", di bonako go kwalwa, mme di letlelela tswelelopele ya tlhatlhobo tebang le tiro e e fetileng le Dielo tsa Tlhatlhobo. Le gale ga di neelane ka dintlha tse di phuthologileng tse di kgonegang mo ditshwaelong. Maduo mo letlhakoreng le lengwe, a rekotiwa ka bonako, le go tlhakanngwa mmogo, go atisiwa le go arolwa. A mosola mo go tlhatlhobeng bokgoni jwa moithuti fa bo bapisiwa le ba ba bangwe mo phaposing, le jwa dikereiti tse dingwe kgotsa dikolo tse dingwe.
Le gale a naya tshedimosetso e nnye mo bokgoning jwa moithuti tebang le Dielo tsa Tlhatlhobo.
ga a ise a kgone; o gaufi le go kgona; o kgonne.
dikapolelo tse di tlhametsweng tiragalo ya tlhatlhobo kgotsa pegelo.
Go sa kgathalelwe khoutu e e dirisitsweng, pegelo e na le mosola fa e kopantswe le ditshwaelo. Go na le kgonagalo ya tokafalo ya phitlhelelo, fa baithuti ba newa pegelo e e kwadilweng, go na le maduo fela. Le fa maduo le diphesente di le botlhokwa mo mabakeng a go rekota, jaaka fela go le bonolo go kwala maduo mo bukeng ya go rekota, ga se gantsi a le botlhokwa mo go begeng le mo go rekoteng. Mathata mangwe a a golaganeng le maduo ke a gore a ka tlhakanngwa le go arolwa, le go dirisiwa ka mokgwa o o ka tsietsang, le gona mo mabakeng a mantsi a fitlha bontsi jwa phitlhelelo le tswelelopele ya moithuti. Fa baithuti ba dirile ditiragalo tsa tlhatlhobo tse di fetang bongwe, go na le thaelesego ya go dirisa maduo a, jaaka dipalo, go a tlhakanya le go batla palogare. Fa se se dirwa, maduo a latlhegelwa ke mosola wa go naya tshedimosetso ya pegelo. Maduo a palogare le a a arotsweng a fitlha ntlha ya gore a mothuti a ka bo a fitlheletse thuto e e ikaeletsweng sentle mo mofameng mongwe, mme e seng mo go o mongwe. Maduo a naya selebo sa kakaretso sa phitlhelelo, mme a fitlha mabaka a tlhatlhobo ya phitlhelelo (kgotsa go sa fitlheleleng) ya moithuti, mme a kganela tsepamiso mo go ithuteng sengwe go tswa mo tlhatlhobong. E bile ga a tlhalose tswelelopele ya mothuti sentle mo kharikhulamong. Mo mabakeng a mantsi, go tshwara maduo a a tshwanang (fa e le a a kgotsofatsang) go kaega jaaka sesupo sa tswelelopele e ntle. Maduo a a kana ka 70, mo Dielong tsa Tlhatlhobo tsa Kereiti ya 5, le maduo a a kana ka 70 mo Dielong tsa Tlhatlhobo tsa Kereiting ya 6, a fitlha gotlhelele, tswelelopele e moithuti a ka bong a e dirile mo ngwageng, e e tlhagisiwang sentle mo tlhagisong, khoutung kgotsa mo tshwaelong.
Mo go rekoteng kgotsa mo pegelong e e ka ga phitlhelelo ya moithuti mo Dipoelothutong tse di maleba lekereiti, dikhoutu tse di latelang di tla dirisiwa.
= Bokgoni jwa moithuti bo fetile, ditlhokego tsa Poelothuto ya kereiti e.3 = Bokgoni jwa moithuti bo kgotsofaditse tsa Poelothuto ya kereiti e.2 = Bokgoni jwa moithuti bo kgotsofaditse ka bontlhanngwe ditlhokego tsa Poelothuto ya kereiti e.1 = Bokgoni jwa moithuti ga bo a kgotsofatsa ditlhokego tsa Poelothuto ya kereiti e.
Kwa bokhutlong jwa ngwaga nngwe le nngwe, šedule ya tswelelopele e tshwanetse go tladiwa, le go saenwa ke mogokgo le modiredi wa lefapha. šedule ya tswelelopele ke rekoto e e nang le tshedimosetso e e sobokantsweng ya tswelelopele ya baithuti botlhe mo kereiting mo sekolong.
Dikhoutu tsa tswelelopele mo Karolothutong nngwe le nngwe.
Letlha la tshaeno la mogokgo, morutabana kgotsa morutisi, le modiredi wa lefapha.
Porofaele ya moithuti ke rekoto e e tswelelang ya tshedimosetso e e neelang dintlha tsa kakaretso ka ga tswelelopele ya moithuti, e akaretsa kgolo e e feletseng ya dielo tsa botshelo, maitsholo le tlhabololo ya tsa loago. E thusa morutabana mo kereiting kgotsa sekolong se se latelang gore a tlhaloganye moithuti botoka, ka jalo, a tsibogela moithuti ka tshwanelo.
Tshobokanyo ya direkoto tsa tswelelo ya dingwaga tsa go tsena sekolo.
Porofaele ya moithuti e emela direkoto tsotlhe tsa pele tsa tswelelo tse di neng di dirisiwa ke dikolo, jaaka dikarata tsa direkoto, dikarata tsa mofatlhosi (tutor) le dikarata tsa ditiro tsa baithuti tse di beiwang kwa sekolong. (Edlab cards). Maikaelelomagolo a porofaele ya moithuti ke go thusa moithuti go fitlhelela mefuta ya tshedimosetso e e akaretsang.
Tshedimosetso ya sebele e e leng mo porofaeleng, ga e a tshwanela go dirisiwa ka mokgwa o e seng ona go kgetholola moithuti.
Diporofaele tsa baithuti ga di a tshwanelwa go tlhakatlhakanngwa le dipotefolio. Potefolio ke mokgwa wa go tlhatlhoba o o nayang moithuti le morutabana mmogo, tšhono ya go lebelela tiro nngwe e e dirilweng go tlhamela ditiragalo di le mmalwa tsa tlhatlhobo. Tiro e bewa mo sephuthelong mo faeleng kgotsa mo bokosong. Porofaele ya moithuti, mo letlhakoreng le lengwe ke rekoto e e nang le tshedimosetso ka ga moithuti.
Barutabana ba tshwanetse go ikarabela go baithuti, batsadi, thulaganyo ya thuto le mo baaging ka bophara, mo go tlhatlhobeng baithuti. Se se diragala ka go naya pegelo. Mo godimo ga dipegelo tse di kwadilweng, ditiro tsa motlotlo le tsa diatla le dipontshotshupetso di ka dirisiwa.
pegelo e e bopang, e e tshwanetseng go nna le ditshwaelo ka ga bokgoni jwa moithuti fa bo bapisiwa le jwa balekane ba gagwe, le bokgoni jwa nako e e fetileng tebang le ditlhokego tsa Dikarolothuto.
Batsadi ba tshwanetse go begelwa nako le nako go rotloetsa go nna le seabe ga bona. Barutabana ba tshwanetse go bega kwa bokhutlong jwa paka nngwe le nngwe ya sekolo ba dirisa dikarata tsa semmuso tsa dipegelo.
Ga se gantsi go kgonegang go neelana ka tshedimosetso ya phitlhelelo mo Karolothutong nngwe le nngwe. Le gale dipegelo di tshwanetse go naya tshedimosetso ka ga phitlhelelo mo Dikarolothuto dingwe le dingwekgotsa mo Manaanethutong mangwe le mangwe.
Tlhaloso ya dikhoutu tsa thulaganyo ya Bosetšhaba ya dikhoutu.
Neela tlhaloso ya dikgono, ditlhokego tsa kgolo, kgotsa dikarolo tsa tshegetso tse di tlhokwang ke moithuti mo Karolothutong kgotsa Leanaanethutong lengwe le lengwe.
Dirisa thulaganyo ya dikhoutu tsa Bosetšhaba go tlhatlhoba bokgoni fa bo bapisiwa le Dielo tsa Tlhatlhobo le Dipoelothuto tse di dirilweng go fitlhelela jaanong-ga go botlhokwa go naya khoutu mo Poelothutong nngwe le nngwe. Mo pegelong ya bofelo jwa ngwaga, bokgoni jwa kakaretso jwa moithuti mo Dikarolothutong bo tshwanetse go supiwa.
Neela ditshwaelo mo Karolothutong kgotsa Lenaanethutong lengwe le lengwe, a kgatelelo e e kgethegileng mo baithuting ba ba fetileng ditlhokego kgotsa ba ba tlhokang go engwa nokeng gape. Ditshwaelo tse di ka ga dikgono tse di kgethegileng le dikarolo tse di tlhokang tshegetso di tshwanetse go golaganngwa le Dielo tsa Tlhatlhobo. Ditshwaelo tse, di tla letla batsadi, baithuti le barutisi go nna le kitso ya gore ke tshegetso efe e e tlhokwang ke moithuti.
Kharikhulamo 2005 - Se ke sekao sa ntlha sa Kemo ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba morago ga Apareteiti. Lokwalo loo, la pholesi ya thuto la 1997, le neela boalothulaganyo go Tswelelo ya Thuto ya Pele ya Bana, Thuto-Kakaretso le Katiso, Thutelo-Pele le Katiso, le Thuto ya Motheo ya Bagolo.
Thuto-tota-dipoelo - Tsamaiso ya thuto e e totileng katlego, e ikaegile ka go dira, mme e theilwe mo moithut-ing.
Tlaleletso-puontsi - ke fa motho a ithuta dipuo mo godimo ga puo ya gagwe ya gae. Se, ga se emele puo ya gae, mme dipuo tse di ithutiwa mmogo le yona.
Dielo tsa Tlhatlhobo - kitso ya puo, dikgono le dielo tse baithuti ba di tshwanetseng go di supa, fa ba di itse kgotsa ba ka di dira kwa bokhutlong jwa kereiti e e rileng.
Bokaelo - moraba o tlhamiwa le go amogelwa mo bokaelong. Bokaelo bo akaretsa maemo a a anameng le a a gaufi puo ya gae - puo e bana ba e ithutang, ka go nna mo go yona mo magaeng a bona le mo baaging. Dipuo tse di fetang bongwe di ka ithutiwa ka tsela e, ka jalo baithuti ba ka nna le dipuo tsa gae tse di fetang bongwe kgono puiso-kwalo - ke bokgoni jwa go buisa le go dirisa tshedimosetso e e kwadilweng, le go kwalela mabaka a a farologaneng. Ke karolo ya bokgoni jwa kakaretso go nna le bokao jwa botshelo bobegakgang-bontsi - mekgwa e e logaganeng ya go bega, e e akaretsang meraba, dibogelwa, medumo, vidio, j.j.
okola - go gasa bofofu mo morabeng ka maikaelelo a go bona tshedimosetso e rileng.
<fn>Random.DPS.9780636072725T.txt</fn>
Go ya ka wena moruti Nteso e ne e le motho wa semelo se se ntseng jang A go sengwe se o ka se tshwayang se o ka se dirisang go tlhalosa tshobotsi ya moruti Nteso Kwa ntle ga sefane Nteso, moruti o ne a na le leina le lengwe le fa le ne le tshogane le dirisitswe, a o santse o le gakologelwa Le neele. Go ne go le seletswa sa mmino se moruti a neng a le setswerere mo go sone. Se bolele. Go nnile le nako e moruti a neng a iphitlhela a latofatsa Modimo wa gagwe. A o santse o gakologelwa gore go ne go rileng Tlhalosa. Go ne go le dilo di le mmalwa tse moruti Nteso a neng a sa di rate sentle ka mogatse. Ke eng se o gakologelwang a ne a tle a mo kgale thata ka sone Go a itsege gore moruti Nteso e ne e le molwetse yo o lwalang a tsamaya. Kana o ne a lwala malwetse afe A o santse o gakologelwa dikopelo tse moruti Nteso a neng a di tshameka ka seletswa sa gagwe mo letsatsing la gagwe la bofelo Ke dife Fa o sutisetsa bomankge jwa gago kwa thoko mme o bua maikutlo a gago, o ka re moruti Nteso o bolailwe ke eng tota?
O ne a bua a setse a kgotlha setlhako ka poifo ya gore Fatima o tloga a mo gakolola gore ga a di bua tsotlhe. Fatima a ikela gae, tlhaloganyo ya gagwe e faraferwe ke dipotsopotso. Pelafalo ene a tsamaya a balabala ka pelo ka a batlile a ntshitse mosi ka sekhurumelo gore nkoko wa mokapelo wa gagwe o a loa. MmaPelafalo, mosadi wa pheta ka pejana, o ne a di gatile, a di gatile gore mogatse a itatswe menwana phetelela. "O tota o di gatile ngwetsi ya ga rre, ke a bona gore dikgomo tsa Batshweneng ga di a tswela lefela." Ba ne ba le mo bogareng jwa dilalelo fa MmaPelafalo a re: "Ruri mosimanyana yo ga ke itse gore o tsenwe ke eng." "O raya mosimanyana ofe" "Pelafalo wa gago kgotsa wena o bona e le mosimanyana ofe gape yo nka ngongoregang ka ene" "Pelafalo wa bo a dirile eng jaanong" "O a ntena, o ntsenya bosula e bile o ntsenya le matlho a batho." RraPelafalo a boeletsa potso ya gagwe ya kgantele: "Pelafalo o dirile eng" "Mosimanyana yo ga a supe maikarabelo ape, ga a itshupe jaaka ngwana wa batho ba itsholetse, ga a itshole jaaka kwana ya nku e e leleme le letala." "Pelafalo o dirile eng?
Ke go jetse eng Ke tlolomolao go gatisa le fa e le nngwe ya ditsebe go tswa mo bukeng e ntle le tetla ya bagatisi ba yona?
"Somamabedinngwe." "Ke mang yole yo o tshwanang le mmaago, yo o neng a ba a ipitsa pele a go neela senotlolwana" "Senotlolwana?
Ga go bonnete jo bo feletseng jwa gore moruti o ne a tlala lefufa ka phoso kgotsa Mmamoruti e ne e le mme yo o tlhokang boikanyego mo lenyalong la gagwe. Fela se se mo pepeneneng ke gore moruti o fitlhetse setshwantsho sa modiragatsadifilimi mo go mogatse. Wena o ka reng ka ntlha e Go ya ka wena, a Mmamoruti o ne a dumela gore mosadimogolo Boingotlo o a loa kgotsa e ne e le thumulano fela Tshwaela. Fa o arabile ka nnyaa mo potsong e e fa godimo gone neelana ka sesupo se le sosi fela sa gore o ne a sa dumele. A o ka kgona go etsisa Mmamoruti fa a bitsa mosimane wa gagwe ka go mo reta Direla phaposi ya gago jalo. O akanya eng ka batsadi ba ba retang bana ba bona ka mokgwa o o jalo A go bonolo go ka tlhalosa semelo sa mosadimogolo Boingotlo ntle le mathata Fa o re Ee, simolola o dire jalo. Go latela maikutlo a mosadimogolo Boingotlo a go latofadiwa ka go loa go nnile le thuso mo go ene. Kana o rile ke efe, e neele fela jaaka a e buile. Mo lelapeng la ga mosadimogolo Boingotlo go ne go le mongwe yo o neng a le botlhokwa thata le fa go ntse jalo ga go mo a tlhagelelang a bidiwa ka leina. A o ka mo bolela?
Ga go a nna le ope yo o rileng sepe mo go yo mongwe pele ba kgogogelana jaaka dipheleu ba bo ba rathana ka ditlhogo jaaka tsone. Ba rathana gore ba digelane mo diretseng tsa pula ya bosigo jwa maabane. Ba emelela ka dinao, ba kgogogelana gape, ba kampana ka dikgara, ba tlhokisana sebaka, ba thubana ka mabole, ba bontshana dinaledi. Ba ne ba sa tlhole ba lwa ka setu. Ba ne ba kgwa botšarara ka magano a mmopi wa bone a ba a neetseng pele a itse gore ba tla a dirisa jalo. Moruti wa Fora o ne a ba a ikaba ditsebe ka menwana. Motho yo o boneng sengwe le sengwe a ba a utlwa sengwe le sengwe e ne e le Tsika. Tsika e ne e le yo mongwe jaana yo o sepirigwana, yo o difai e kete o ne a itlhabegile jaaka a ne a tlhaga kwa maitisong a banna kwa ga Mashaba. Tsika o ne a itumelela se a se bonang e bile a itse le go se tshwantshisa sentle. O ne a tshega a ba a ragaraga ka lonao pele a goa banna ba dithekesi tse di rwalelang batho kwa Otontala: "Heela banna ba gaetsho, lo a fetwa! 'Ntwa ya Sumo e a lo feta. Fano gone Majapane a itapisa khwakhwakhwakhwakhwa..." Banna ba dithekisi ba fitlhela ba setse ba kgagolane mesese, ba kgokolosane mo diretseng jaaka dikolobe. Batho ka bontsi ba simolola go ikatametsa. Monna mongwe wa dithekesi, wa sefane se se simololang ka 'X' yo ba neng ba rata go mmitsa 'Rre X', a ntsha sampoko mme a re o ba palama godimo ka sona. Ba bangwe ba mo thiba ba re: "Nnyaa 'Rre X' ga go dirwe jalo. O ka tshogane wena wa iphitlhela o bonyabonya ka fa morago ga ditshipi tsa kgolegelo, melao ya gompieno Rra, e tlhaloganngwa thata ke bona basadi." 'Rre X' yo a neng a ntse a lekegile ke tse a di bonang a re: "Ke tla ba tshela ka kubu e. Ba ipatlela sampoko fela, le mageseterata tota o tla ntlhaloganya. Ba bontsha bana ba rona metlholo?
"Goreng o mpotsa" "Ke gore mmaagwe nna ke yo mongwe wa ba ba latofatsang mosadimogolo ka boloi, mme o mina ka nko e le yosi gore ga a rate kgolagano ya me le Fatima e bile o ikaelela go e khutlisa khutli! A re a ka se ntetle ke ithabuetsa mo tamong a ntse a ntebile.?
"Mogatsaka", ga bua moruti yo o seriti, yo o dinko di sephaphathi, le fa mo sebakeng se o ne o ka tshoga o di tshwantshanya le tšhemele ya setofo ka ntata ya mosi wa kwadi o o neng o tswa o pitlagane.
Ga go ope yo o neng a ka tlhaloganya gore moruti o ne a raya jang, gongwe o ne a boifisa fela. Kana e ne e le molao wa ngaka gore moruti a itlhabe ka nnelete ya molemo go laola botlhoko jwa sukiri. Motsing ba tlhoboganeng e bile mogatse a tsamaile ka bodipa, moruti o rile ka re 'nnalete-nnalete' ntlo yotlhe ya mmotsa 'a o ne o mpeile nnalete'. Ga go itsege sentle gore a matlho a moruti a ne a foufaditswe ke kgalefo kgotsa kutlobotlhoko. A kgotsa mmamoruti o ne a e fitlhile kgakala ka bomo kgotsa ka gongwe a e tsere mo go ene go e latlhela kgakala fela ka go lomeletsa. Pelo ya moruti ya rutlega, ntekwane e rutlega ka letsatsi le e sa tshwanelang go rutlega ka lone. O ne a phuruphutsa le go furutlholola gotlhe go fitlha a tshwara le tse a sa tshwanelang go di tshwara, a bona le tse a sa tshwanelang go di bona. Mo phurutlhololong ya gagwe, a fitlhela setshwantsho sa modiragatsi wa difilimi, mongwe yo o itsegeng thata wa kwa Gauteng. E ne e le setshwantsho sa modiragatsi wa difilimi yo le wena mmadi o mo itseng thata ka gore o tlhola a diragaditse mo terameng ya, naare leina la yona le nkgakelang ge, ke le fela fa, le gale le tla boa kgantele. Moruti a simolola go tlala dipelaelo pelo ya rutlega thata. O ne a simolola go belaela gore ka gongwe kgannyana eno ya go ya go bona mosetsana ke seipato fela, yo tota a yang go bonwa ke ene modiragatsi wa difilimi yoo. O ne a simolola go e akanya mo setshwantshong sa semowa, mogatse a setse a le kwa hoteleng nngwe ya dinaledi di le tlhano, a itumetse a le mo diatleng tse di bothitho tsa monna yoo. Pelo ya ipoa kgatsu, ya rutlega gape, ya rutlega ka letsatsi le e sa tshwanelang go rutlega ka lona. Nteso a simolola go balabala, a ipotsa gore ba tla lebana jang le mogatse motsing a boang. A ipotsa gore tota ba tla lebana jang mo matlhong. A ipotsa gore o tla mo tsaya jang. Se se botlhoko thata mo go ene ya nna kitso ya gore kana pelaelo e e tlhokang bosupi ga e kgone go ka emelela kgotla efe kgotsa efe. O ne a itatlhela mo bolaong ka kutlobotlhoko, a robala jwa bosigo 'tsatsi le penne. E rile a thanya, sa ntlha se a neng a se tlhokomela ya nna tshupanako ya lebota e e neng e bega ura ya bongwe mo motshegareng. O ne a bulela seyalemowa go reetsa dikgang tsa ura eo. Tlhogo ya moruti ya lela ditshipi jaaka a utlwa mogasi wa dikgang a bua Setswana se se tlhololo, puo e e sa pekanngwang le sepe a re: Rramelemo yo o itsegeng thata wa kwa Thabantsho o leletswe ke ditshipi moso wa gompieno ka ntlha ya go ipagololela mogodu... Pelo ya rutlega gape mme moruti a wela fa fatshe jaaka kgetse ya mmopo. E rile a itharabologelwa, ke fa mogasi yo o diatla di phepa a setse a phuthaphuthile a iketse gae. O ne a khubama fa fatshe ka mangole mme a simolola go rapela dithapelo tse le ene a simololang go di utlwa fa e sa le e nna ena. O ne a rapelela go utlwa go twe Rramelemo yo o dirileng tiro e e tlhabisang ditlhong e, e nne motho mongwe fela mme e seng morwae. Morago ga dithapelo tse, a sutlhamana ka setu mo sofeng, a lebelela fela mo sebakabakeng, a balabala ka pelo, yone e e koafetseng e. O ne a leka go batla se se kgontshitseng morwae go itshwara bosutlha jalo. A leka go gakologelwa motsi yo a kileng a tlhagafala mme a fitlhela e le ga gagwe fela mo dingwageng di ka nna somamabedinne tse a di tshedileng. E ne e le motsing oo moruti a neng a ganela go mo adima sejanaga go ya menateng le ditsala tsa gagwe. Moruti o ne a kile a mo naya teko ya gore pele a ka mo adima sejanaga, a buise Beibele a bo a e fetse mme e re morago a beole meriri e e tshabegang e a neng a na le yona.
Lakabane Nteso, maitibolo a moruti e ne e le Rramelemo yo o feletseng mme a sa tswa go iponna tiro moo a neng a hirile lebenkele la melemo, kana ke raya khemisi e bolelwang kwa mafaratlhatlheng a Ratlou kwa Thabantsho. Go ne go le Mosupologo fa mogala o lela kwa ga mosadimogolo Boingotlo mme wa fetolwa ke Fatima. Lakabane o ne a kopa go bilediwa mmaagwe mme Fatima a kgabaganya mmila go ya kwa ga moruti. Mmamoruti a tlhaga a khobakhoba fa a utlwa gore ke morwae mo mogaleng, a fetela kwa kamoreng ya mosadimogolo ka gore ke kwa mogala o leng teng. Ka go kokoroga ga setuki le mebala yotlhe e e gone mo lefatsheng, a atlanya mogala le tsebe pele a re:"Lakabaaan-Lakabaaan, Lakaban-lakbi-lakab-noga tsa meeetsi!" A nna metsotso e ka nna lesome mo bolaong jwa mosadimogolo wa moloi, a sosologile, a repile, a thakgaletse, a le kwa ga mothakga go se letsapa le mo fisang pelo. Morago ga dikgang tse o ka reng di ne di jesa monate, a leboga mme a boela gae. Tsa mothale o di ne di ka feta fela go sa twe sepe mo mothong mongwe fela, mme e seng mo go Boingotlo wa ponto le šeleng. Fatima le kgaitsadie ba batla ba somoga mowa ka ntata ya setshego fa ba bona nkokoabona a nna mo bolaong, a tsholetsa mogala, a o tsholetsa a sa tobetsa palo epe pele a re: "Lakabaniii dilakalakabiii, dinoga tsa metsiii." Morago ga foo, a tshega thata a le nosi pele a re "Motho wa teng o ntse o sosologile, o ikatladitse mo bolaong jwa mosadimogolo wa moloi. Gongwe ga a itse le gore ke a itse gore ke mongwe wa ba ba dumedisang ka go loa ga me. Go a gakgamatsa gore ga ba lemoge gore bokeresete jwa bona bo simolola fa kae le go khutla fa kae fa go setse go ntse jaana." Pula a kgaritlhelela setshego sa gagwe ka potso: "Tota fa go twe motho ke Mmamoruti yo o tlotlegang; mme a nwetse mo ditshebong tsa motse ka mmele otlhe jaana, ga twe rona ba ba ditumelonyana di reketlang re tshabale kae tota?
Mo tshimologong ya ngwaga, Pelafalo e ne e le mongwe wa baithuti ba ba neng ba semeletse go ipaakanyetsa go ya sekolong. O ne a ya go ithutela bobueledi-semolao kwa yunibesithing ya Vista kwa Gauteng. Tsa kwa pele e ne e se mathata ka gonne go ne go le lekolwane le le neng le bidiwa Bonolo le a neng a le itse. Bonolo o ne a le mo ngwageng wa bobedi kgotsa wa boraro wa dithuto tsa gagwe, mme ka bonno a hirile phaposi e e ka kwa morago mo segotlong sa lelapa la ga rre Mphahlele kwa motseng wa Pimville. Go utlwala gore mo ngwageng o o sa tswang go feta, Bonolo o ne a tlhakanetse phaposi e le ntsalaagwe. Ntsalaagwe o ne a setse a weditse dithuto tsa gagwe mme Bonolo o ne a itsise Pelafalo ka ga phaposi eno gore ba tle ba e nne mmogo. Bonolo o ne a tswa mo lelapeng le le dikobo-dikhutshwane ke jaaka a ne a batla motho yo o ka nnang nae ka go tlhakanela dilo gore ba thusane ditshenyegelo. Pelafalo o ne a felegediwa ke rraagwe ka koloi e e rweleng dithoto ka gonne Bonolo o ne a mo thadiseditse ka botlalo gore phaposi e na le eng mme e tlhoka eng. Ntlo ya ga Rre Mphahlele e ne e le ya diphaposi di le thataro, monnamogolo Mphahlele a nna le mosadimogolo wa gagwe ba le babedi fela ka gonne bana ba ne ba setse ba godile mme mongwe le mongwe a nna kwa ga gagwe ka katlego. Ka kwa morago go ne go le ntlwana ya diphaposi di le pedi, e nngwe e ne e hirilwe ke Rre Shai fa e nngwe e le yona ya bona. Pelafalo o ne a ya go begwa kwa ntlokgolo pele a fetisediwa kwa phaposing. Rre le mme Mphahlele ba ne ba mo itumelela thata ka a ne a lebega e le mosimanyana yo o maitsholo. Ba ne ba kgatlhwa thata le ke maikarabelo a ba a supeditsweng ke rraagwe ka go mo lere ka namana. Ka matlho Pelafalo o ne a bona e kete phaposi e e kgolonyana go gaisa ka moo a neng a akanya ka teng. Ka mo teng go ne go le tafole ya logong le ditulo tsa yona di le pedi. Modiro wa tafole le ditulo tsa teng o ne o ka re wa tsele tsa barutabana ba maloba kwa dikolong. Le fa go ntse jalo, ga go ope yo o kileng a itshwenya go tlhotlhomisa gore di sutlhile jang gore di feletse di tsurame kwa ga Mphahlele ka pabalesego. Kana ga se Mphahlele fela, mongwe le mongwe o a itse gore e setse e le selo-modiro. Fa sekhutlwaneng sele go ne go le lebokosonyana le le betlilweng go dira sekamabeelo a diaparo. Sekaraka le sone se ne se le gone go baya poraemasetofo. Bolao jona e ne e le jo bo betletsweng go robala motho a le mongwe mme ka ntata ya mathata, Bonolo le ntsalagwe ba ne ba ipitlaganya mo go bona ngwaga otlhe. Mapainyana a mabedi a a mo bolaong, e rile go tlhakana le a le mane a a tlang a rwelwe ke Pelafalo, ga nna mo pepeneneng gore monongwaga gone Seetebosigo o tsile go ipotsa dipotso. Fa rraagwe Pelafalo a sena go lekola phaposi a re: "Ke botshelo jwa bokgope jo, le gale ke ka moo monna a simololang botshelo ka teng. Fa ngwana a tlhoafaletse selo se se botlhokwa jaaka thuto, gone o tshwanetse go lebala gotlhelele ka ga manobonobo a o a tlogelang kwa morago." E ne e le mafelo a kgwedi mme jaaka gale, morwadie Boingotlo a le gone mo gae. Jaaka gale, o ne a tshotse mapenenyana go tla go jesa mamphorwana a gagwe. Fatima o ne a rongwa kwa toropong go ya go reka sele le sele.
Kae koo, ga nkitla! Fa nka ngongoregela gore batho ba reng ke gone fa ke tla sulafalelwa ke botshelo. Ke bona go le botoka gore ke itshelele monate ka kagiso, ke inonele mme go ote bona ba ba tshwenyegang ka nna.
Ke a mo tlhoboga ka gore nna ke ngwana wa mohumanegi e bile ga ke a rutega, se ke se ganang fela, ke gore ke ngwana wa moloi, mohumanegi ee, moloi ene le goka, foo gone ke gana nang ya banyana." O ne a bua, jalo ka matlho a binabinang. A siana ka lebelo a ntse a rwelerwele merogo ele. Fatima a fitlha kwa gae merogo e le metala ka ntata ya mebala ya yone ya tlhago mme matlho one a le mahibidu, a ntse a re hibii ka ntata ya selelo. Mmaagwe le nkokoaagwe ba mo kgogogela ka potso e le yosi ka nako e le nngwe: "Molato ke eng mosadi" "Ga go sepe." Bomme ba babedi ba, ba ne ba na le maitemogelo a botshelo thata gore ba ka tsiediwa bonolo jalo. A tsena ka fa phaposing ya gagwe ya go robala ba ntse ba mo tlhomile matlho mme ba re: "Bua mosadi, bua! O jewa ke eng" "Bagolo ba me ga se sepe, ke puo e e tlwaelegileng ya gore ke ngwana wa moloi." "A go ntswe go gaketswe go twe mmê ke moloi" Go botsa mmaagwe ka kgalefo." Ee, go gaketswe thata fela, gompieno ke mmaagwe Pelafalo, lekau la me le ke le ratang ka pelo yotlhe ya me, mmê yo ke ntseng ke iphora ke re 'tsatsi lengwe ke tla bidiwa ngwetsi ya gagwe; o mpoleletse mo matlhong gompieno gore ke tla nna yone mo ditorong fela." "Ngwanaka ke lemoga maikutlo a gago mabapi le mosimanyana yoo fela se ke se itseng ke gore fa mosadi a sa go batle mo lelapeng la gagwe, gone o tla tsena a sule kgotsa go sule wena. Se sengwe ke gore o santse o le monnye Fatimanyana wa me, o santse o ka iponna Se se monate ke gore re ne re ise re ba jele dikgomo, ga re a ba jela sepe.?
"Ke letile Lerato go tla go ntsaya a nkisa kwa ga malomaagwe kwa ke yang go nna teng." "Moleta ngwedi o leta lefifi mfana, mono ke Soweto, thipa ya mono ga e a kopelwa jaaka ya kwa gae, o ka lala o paraletse jaana ka moso, wa tsoga o lepeleditswe mo bothaleng jaaka segwapa sa 'laksmane', a re ye gae monna, ga go na Lerato wa sepe yo o tlang go go tsaya ka nako e." Dikhambadoni le Vakele ba itaya sefololetse jaaka tlhobolo ya boijane. Le gale ba isa maaka kwa go Lerato ba re: "Re mmolaile, re mo tlhabakakile ra ba ra latlhela setopo sa gagwe ka kwa molapong." Lerato a ba dumela, le gale a sa ba duele ka gore a ba dumela, o ne a ba duela ka gore a ba boifa mme a sa rate go tsena mo ngangisanong epe le bona. E rile mmaagwe a letsa mogala ka ura ya borobedi go utlwa 'maemo a bosa', a bolelelwa fa legotlo le falotse mo seraing. "Ke a ikana ke ne ke ka se mo fose, o tshwanelwa ke go swa. Ka rre a ntsetse, leina la me ke Portia Nteso." O ne a bua a le kgakala le metlae, a menne phatla mme a feleletsa ka a a reng: "Botshelo ke ntwa, ipusolosetso ya me ke tla e bona, gape le bokeresetenyana jono, motho yo ke neng ke leka go mo kgotsofatsa ka jona. Ga a sa tlhole a le gone, ke santse ke ya kae ka bona?
MmaPelafalo a tenega e le tota, a tšhakgala, a emelela ka dinao pele a ka re: "Mosimanyana yo o a ntena, ga a tlhabiwe ke ditlhong go tsamaya motshegare otlhe a kologane le ngwana wa molala, modidi wa nta e e motôpo, kana ke raya ngwana wa moloi."
Moruti o ne a santse a nnetse go balabala jalo ka pelo fa mongwe a tsena ka mojako le go konyakonya a sa konyakonya. E rile a tsholetsa matlho, a fitlhela e le mongwe fela wa botsheganaingate ba mo mmileng ba a sa itseng le maina a bone. O ne a tsena a fegelwa ka ntlha ya go bo a tlile a bolailwe ke lobelo. "Rre Moruti, nkoko fale o a go bitsa, a re o tle ka bonakonako, o batliwa ke mogala." "Se rialo mosimanyana towe, tlhang o a ntshosa!" Moruti a ikutlwa a thathasela mmele otlhe, mangole a gana nang ya banyana go mo rwala. A tsamaya a apaapa jalo a itshwareletse ka magora a mathale go fitlha a tsena kwa ga mosadimogolo a tlhakatlhakane moo a neng a sa utlwe le yo o boditseng potso a re: "Go riana le moruti wa lona o ntse a itshiela?
Fatima o kaile fa mogatse a kile a mo leofela fela ga go bonolo gore o mo leofetse ka go dira eng. Batlisia mme o re neele karabo. A o santse o gakologelwa gore ke eng se Fatima Govendor a neng a se lebala mo seatleng sa ga Fatima A o ka kgona go tlhalosa semelo sa monnamogolo Mphahlele Go utlwala gore go ne go le dithoto dingwe kwa ga Mphahlele tse di neng di bonala ka molebo wa tsone fela gore tota ke tsa sekolo fela, wena maikutlo a gago ke afe tebang le tlwaelo e Rre Shai o ne a tlela makolwane a gaetsho e bong Bonolo le Pelafalo ka sentswelakae. O ne a ba direla eng Kana rre le mme Shai ba ne ba fudugela kae Ga twe rraagwe Pula o kile a tshamekela setlhopha sa kgwele ya dinao se se neng se bidiwa Pimville United Brothers, a o setse o kile wa se utlwela kgotsa ke boitlhamedi jwa mokwadi fela, Tlhalosa ntlhakemo ya gago Pula wa batho o sale a ema mo tseleng ya segotlo sa Yunibesithi go tloga ka ura ya sethoboloko, lotlatlana le ne la ba la tshwara a ntse a eme foo. Fa e ka bo e ne e le wena o ne o tla ikutlwa jang Go ya ka wena, fa Bonolo a ka bo a sa tlhagelela go ka bo go diragetse eng ka Pula O ka re go leina lengwe la motshameki wa Orlando Pirates yo mokwadi a batlileng a mmitsa ka lona fela a titse go le dirisa?
E phasaladitswe lekgetlo la ntlha ka 2007.
Pelafalo a didimala sebakanyana pele a re: "Bagolo ba rona le bone ba na le go latlhisiwa setepe sa pina ke tlwaelo e ya go latlha setso sa rona, ba kgomarele dilo ba sa di itse, ba ikgomareditse ditso tsa basweu tse ba sa itseng le gore di tlhaga di tswa kae le di ya kae."
Fatima o ne a tlhaloganya sentle gore fa mosadi a sa go batle mo legaeng lwa gagwe, ga go sepe se o ka se dirang. O ne a rata Pelafalo ka pelo yotlhe ya gagwe, mme a fekeediwa ke letlhoo la ga MmaPelafalo. O ne a loga leano la go arogana le Pelafalo kwa ntle ga go latlhegelwa ke seriti sa gagwe. E ne e le mo maabanyaneng fa mogala o kgatinya mme o fetolwa ke Fatima ka namana. Moletsi e ne e le Pelafalo yo o neng a re: "Fatima moratiwa" O ne a tsenwa ganong ka mafoko a a reng: "Pelafalo, ke solofela e le la bofelo o mpitsa jalo." "Go diragetse eng" "Ke iponetse lekau le ke le ratang ke sa le ipateletse jaaka ke ne ke go ipateletsa." Mabela a modipa a utlwa botlhoko moo a neng a ikgomotsa ka go re: "Ke a go leboga ngwana wa mohumanegi towe, tota ke ntse ke sa itse gore nka go itlhotlhora jang. Ga ke bolo go lemoga gore ga o a ntshwanela, ke ntse ke thibelwa fela ke ditlhong tsa go go swabisa. Le nna ke setse ke iponetse motho wa maemo ame ka kwano Gauteng, selo sa go katoga monyo, motho wa go ka tsalela 'sika la gaetsho kgosi..." O ne a tswelela jalo go tlhalosa selo seo sa gagwe a sa tlhokomele gore ke bogologolo mogala o beilwe fa fatshe ka kwa porofenseng e nngwe. Se se neng se mo latlhisa tlhogo le go feta ke go itse gore selo seo sa gagwe ga se sa nnete fa e se gone fela go ikoketsa marago ka matlapa?
O ne a fetsa le maikutlo a gagwe gore a mmolelele nnete fela go ye kwa go yang. Motlholo ke gore Fatima o ne a dumela, Laboraro ba mmona a tsena. Go tloga ka motsotso o a tseneng ka one, Pelafalo a mo supetsa gore ga se motho wa sepe. O ne a mo dirisa ditiro tsa ntlo jaaka lekgoba, legano le lone le sa salela kwa morago. O ne a mo kgobotletsa ka mafoko a a sa jeseng monate le e seng, bogolosegolo mo ditsebeng tsa ga kgaitsadie, o ne a mmitsakaka ka mainaina a go seng ope yo o feletseng mo tlhaloganyong a ka a kwalang. Dingwe tsa dilo tse a neng a di mo raya mogaetsho le wena o ka palelwa ke go di kwala, ga se nna fela. Fatima wa batho ne a itshoketse sengwe le sengwe, o ne a tla re eng Ba ne ba tla re eng. Pelafalo o ne a ba ruile, a ba ruile le ena Bonolonyana wa teng. Mo bosigong, Fatima a robala mo bolaong mme Bonolo ene a robala fa fatshe e le taolo ya ga kgosikgolo, Pelafalo?
"Go ne ga go a siamela badumedi. Ga o a tshwanela go tsamaya o sela matlakala gotlhe fela fa o tsamayang teng mme o feta a ntsha boammaaruri. Nna ke tsaya gore ke tshebi fela, e ka bo e le lefufa fela, kana batho" "Le fa a le jalo, o na le eng se se botoka se se ka dirang gore batho ba mo fufegele?
O ne a ntse a tlhatlhela kwadi ya gagwe, mamoruti ene a ntse mo sofeng e e lebaganeng le ya mogatse. Mo diatleng o ne a le dimao di le pedi tse di neng di tshameka ka manontlhotlho le botswerere jo bo sa ipatelediweng jaaka di ne di tshameka ka boboa jwa nku jo bo neng bo bonala sentle gore mo sebakeng se se sa fediseng pelo e tla bo e le jeresi e mongwe a ka e tsenyang mo mmeleng.
Mafelo a beke a ne a le monate tota. Pelafalo a repile mo diatleng tse di bolelo tsa ga Lorato wa gagwe fa selulafounu e lela, e kgatinya molodi go sa le phakela wa ura ya bone. "Ke mang mo bosigong jo bokanakana" "Ke nna Fatima, ke ne ke botsa, fela gore a o ntse o tsoga" "Ke mo diatleng tsa Lerato la me. A o a belaela?
Pula o ne a tlhaloseditswe sentle gore Lerato o tla tla go mo tsaya ka ura ya sethoboloko. Fa Pula a goroga, nako e ne le ura ya somenngwe e bile a setse a fela pelo gore ura ya sethoboloko e tla fitlha leng a tle a isiwe kwa legaeng la gagwe le le ntšhwa. Ura ya sethoboloko ya feta, tsela ya nna ya re o ne o mpeile motho, a gololoditse molala mme a se ke a bona sepe. Ka ura ya borataro jaanong, ngwana wa batho o ne a ise a latlhegelwe ke tsholofelo. O ne a ikaketsa a re Lerato o diilwe ke se kgotsa sele. Portia o ne a tsamaela kwa mogaleng go leletsa morwadie: "A batho ba gago ba setse ba le gone, gone a ke basimanyana ba ke ba itseng" "Tsotlhe di sa ntse di tsamaya ka thelelo mma, re letile fela gore go fifale sentle, 'kana 'sepa la bosigo ga le na mong, mathaka ao one ga ke gopole o ba itse, le gale nna ke a ba ikanya. Ke Dikhambadoni le Vakele, ba kopile makgolo a le robedi fela. Mo sebakeng seno ke mo okometse ka letlhabaphefo, o ntse a leba kwa le kwa jaaka motimedi wa nnete". "O ba tlhalosetse gore ke mmatla a le matsatsankotsanko, ba mo dire mpaola, setopo sa gagwe ba bo ba se tsole le ditswalo, ke batla e nne se se tlhabisang ditlhong tota. Ga se nna ke tla jelwang monna ke baloi ka bo ke phutha diatla ke ntse ke re 'hee-hee Modimo o tla ba bona hee-hee, nna ga ke a belegwa maabane". Nako e ne e setse e le nngwe-nneng ya ura pele ga ura ya bosupa, mme ngwana wa batho, a ise a time lebone la tsholofelo. O ne a leka go ala matlho ka motse wa Pimville, a gakologelwa kgang e rraabo a kileng a e ba lotlegela ba santse ba le bannye, a ba raya a re o kile a bo a tshameka kgwele ya dinao, a tshamekela setlhopha sa maemo a Liga e e kwa godimo mme se bidiwa 'Pimville United Brothers'. Ka pelo e e elelang kgodu e khibidu, a ithoga, a itatofatsa a itatofaletsa boeleele jwa go tloga a sa tshwarelela maina a borre ba ba kileng ba bo e le batshamekammogo le rraagwe. O ne a akanya gore ka gongwe fa a ne a kabo a tshwareletse le fa le le lengwe fela mo maineng ao, o ne a tla ipatlisa kwa ga rre yoo, a fete a itlhalose gore ke morwa mang le go ba lotlegela ka tlalelo e a leng mo go yona. O ne a akanya gore gongwe rre yoo o ne a ka mo utlwela botlhoko ka e ne e le tsala ya ga rraagwe. Kae koo, maikwatlhao, namane ya morago ka gale. Morago ga metsotso e ka nna metlhano a ntse a balabala ka pelo jalo, a itewa ke ditshikare, a sosobana meriri, segakolodi sa gagwe sa mo ruta gore go mongwe yo o mo atamelang. A gadima kwa morago mme a mmona, e le monna wa sekhipa se sesweu, a rapela thapelo e e bonakonako, a ikopela botshelo mo mmoping. Wa sekhipa se sesweu a botsa: "Pula, monna molato ke eng fa" Pula a tlola pele a botsa: "Bra Soft, motho yo ke wena" "Ee, ke nna mfana, o bewa ke eng fa le gone ka nako e" Ke go bone kgantele ke le mo thekising mme ka ithaya ka re o letile mongwe, jaanong fa ke tswa mo lebenkeleng ke go bona o ntse o tlhamaletse jaaka sefikantswe, o letile mang monna?
Diteko tsa morago ga loso tsa dirwa mme dipholo tsa tlhalosa gore moruti o bolailwe ke koafalo ya pelo morago ga go utlwa dikgang tse di sa jeseng monate. Go tlhola a sa itlhaba ka nnalete le gone ga lejwa ka leitlho le le ntšhotšho la baitseanape. Mo go boeng ga gagwe, Mmamoruti a fitlhela ntlo ya gagwe e le tlhakantsuke fela e a neng a sa e solofela. A tlhakana tlhogo ka gonne a tlhalosetswa ke batho ka se se diragaletseng mogatse, ene a se teng mo lelapeng. Ya nna gona a lemogang gore o tlhoka Nteso go le kae mo botshelong jwa gagwe, gape ya nna gone a tlhaloganyang gore monna wa gagwe o ne a raya jang fa a ne a re: "O tla fitlhela ke fudugile, o tla fitlhela ke sa tlhole ke nna fa." Pelo ya gagwe ya batla e ema go se nene. Selo sa ntlha se se neng sa kgabola mo kakanyong ya gagwe e nnile go loa ga ga mosadimogolo Boingotlo. O ne a fetsa mogopolo ka gore mosadimogolo Boingotlo o mo jetse monna mme maikutlo a ipusolosetso a bo a simolola go iponna legae mo pelong ya gagwe. Mmamoruti e ne e le mongwe wa batho ba ba kileng ba nna le lesego la go buisa buka ya mokwadi yo o tumileng thata yo o neng a bidiwa 'James Hardley Chase' mme buka yone e bidiwa 'Double Funeral.' O ne a gakologelwa mafoko a mongwe wa baanelwa yo o neng a bua a re: "Re tla kopanela phitlho ya bobedi mmogo." O ne a ikana ka badimo ba gagwe ba a neng a latlhegetswe ke palo ya bone a kopa gore yo o mo jetseng monna ene, ba apare le ena kobo e le nngwe. O ne ikana gore yo o bolaileng monna wa gagwe le ene mo sebakeng se se sa reng sepe, o tla bo a apeile mogoga. Mo kakanyong ya gagwe, go ne go se ope yo o lebanweng ke go apaya mogoga fa e se mosadimogolo Boingotlo.
Go ya ka tshedimosetso e o e boneng fa o ntse o buisa, kgwele ya dinao e ne e tsamaisiwa jang mo nageng ya rona ka nako ya tlhaolele Go ya ka wena, a ke boammaaruri gore go kile ga bo go na le SA Black X1 kgotsa ke boitlhamedi jwa mokwadi fela A o ka kgona go tlhalosa setlhopha sa Pimville United Brothers ka botlalo?
Kgwanyape ya kgakgauthano ya mafoko e ne e ise e bepe fa mongwe a tla kokota mo mojako. E ne e se ope fa e se morwa yo o tsetsweng a le esi wa MmaPelafalo. O ne a refosanya madume le bagolo pele a ya ka tlhamalalo kwa sejaneng se a itseng sentle gore se se mo teng sa re ene wee! Morago ga go di lotlhantsha le meno a a diphaphathi, a tlhamalalela kwa phaposing ya gagwe kwa a neng a feta a itatlhela, a kanama jaaka senonnori.
Nteso a mo fetola a re: "O kopa maitshwarelo go sele, ke eng o sa a kope mo go Boingotlo, o be o fete o ye go a kopa kwa go mme yo o ntsetseng" A thanya a tshologa sethitho e bile a roroma jaaka e kete ke bogare jwa mariga a a befileng. A bua a roroma e kete motho a latlhegetswe ke tlhaloganyo a re: "Mme Boingotlo intshwarele, intshwarele tlhe motsadi wa me fa ke go tlhapaditse ke re o moloi" Le pele a ka utlwa tsibogo ya mosadimogolo, a phamola dikgetsana tsa gagwe a betsega. Fatima le nkokoagwe ba rile ba a mo thiba ba re: "Mmamoruti o ya kae bosigo jaana" Mmamoruti a lekelela ka lobelo, a taboga lopaapaa, a taboga jaaka motho a rwele ditlhako tsa moapolelo. O ne a mediwa ke kobo e ntsho ya bosigo, ya bo e le la bofelo ba ga Boingotlo ba mmona?
Kana ke mang yo a reketseng mosadimogolo Boingotlo ntlo A o ka kgona go tlhalosa ka botlalo gore ntlo ya mosadimogolo Boingotlo e ne e ntse jang Fatima o tlhalositse fa leina leo e ne e se la gagwe la tota. Tlhalosa botso jwa leina le la ga Fatima wa mosetsanyana. Ka mafoko a gago tlhalosa sebopego le semelo sa ga Fatima Fa Motswana a re: "Baratani ba ja tlhogo ya tshwene " o a bo a raya eng tota O gakologelwa baratani bafe ba ba tlhalositsweng ka go ja tlhogo ya tshwene mo kgang e Fa Motswana a re motho ke 'kwana ya nku e e leleme letala' tota o a bo a kaya eng Rraagwe Pelafalo ene o ka mo tlhalosa jaaka motho wa semelo se se jang?
Mo boemong jwa gore a bone gore go ka dirwa eng ka ga Lerato yo o idibetseng, Pelafalo a itlholela gore le ene a bone se se mo letlojaneng, "Mmalooo weeee! Mmaloo-nna-weee! Mamame weee! Naare ke ne we tsenwe ke eng wee, ijooooooo, ijooooooooo!" Mo selelong seo sa gagwe sa matlhotlhapelo, Pelafalo a tobetsa dinomoro tse di romelang mogala kwa go mmaagwe: "Mma, ke tlile go swa, go fedile ka ga me, ke na le twatsi ya HIV, mmalooo-nna-weeee" Lerato a itharabologelwa ka esi.
Mogatse a baya phegelwana mo dijong, a mo tsepa ka matlho a re: "O a itse nna ke ntse ke ithaya ke re mokapelo wa ga Pelafalo ke Fatima. Fatima yo o tlogolang kwa ga mosadimogolo Boingotlo. Tlhang jaanong o bua ka ngwana wa moloi Jaanong o tota o ntswetse ditsebe." "Ke raya ena Fatimanyana yoo wa lona!" Tlhang e kete ke wena fela mono mo motseng wa Monyakeng yo o iseng o ke o utlwele sepe ka ga go loa ga ga Boingotlo" "Hei-hei-hei mosadi! Nna o ntshe mo ditshebong tsa basadi ba motse o. Ga ke itse sepe ka boloi jwa ope! Gape ga ke kgatlhegele go itse gore Pelafalo o tsamaya le mang o ja le mang e bile o nwa le mang! A ga o itse fa pelo e ja serati A wena o na le bonnete jwa gore e rile ke go itlhaolela, batsadi ba ne ba go rata ka gangwe kgotsa ke go itseetse ka go rata ga me ka gonne ke ne ke go rata Ga se nna ke ileng go kgoreletsa bana mo thatanong ya bone e bile o ntshulafaleditse dijo tse ke neng ke ithaya ke re di a balola, di mpetlile e le tota e bile o ka re nka betolola. Ga ke sa tlhole ke itse gore a bothata bo mo dijong kgotsa mo moapeing wa tsona." Mosadimogolo Boingotlo o ne a nna mo karolong e e bidiwang "Phola" kwa motseng wa Monyakeng o o fitlhelwang gaufi thata le toropo ya "Baseleborone" kwa Foreisitata. Ntlo ya gagwe e a sa leng a e rekelwa ke morwadie dingwaga di sena palo tse di fetileng, e ne e setse e le letlotla. Le fa e ne e setse e le mo maemong a go ka bidiwa lengwa, gone e ne e setse e kile ya okediwa ka diphaposi di le pedi gore di nne ditlhano ka palo. E ne e kile ya ntšhwafadiwa. Morwadie o ne a ba a mo tsenyetsa le mogala gore fa a le kwa Belekomo ka masimo, a kgone go nna a roma mogala kwa gae go utlwa gore mosadimogolo le bana ba ntse ba tshedile jang?
Moruti a tswelela: Ke ba ba jaaka lona jaana ba ba rotloeletsang tshenyego ya bana. O kile wa se bona kae ngwana wa mosetsana a tswa fela a ya go nna a le nosi a bo a siama Akanya fela Portia. Ke tshwanetse ka ikutlwa jang fa o gana go mpata fa ke re ke ya go lekola mmê yo o lwalang, kana ke raya yo o ntsetseng Kana mmê o buile mafoko a a totobetsang botlhoko mo pelong jaaka a ne a re o tla tla mo ga me fela motsing oo go leng phitlho, go sa kgathalesege gore ke phitlho ya ga mang?
Mo Sontageng ono ba ne ba tlhotse ba thakgaletse ba itisitse kwa mabaleng a metshameko, mme e rile letlatlana le tshwara, Pelafalo a mmuledisa go ya gae. E rile ba fitlha fa marakanelong a tsela kwa gaabo Fatima, ba ema go se nene, ba tshamekisa dipounama ka tshwanelo pele Pelafalo a re: "Lala o robaditswe tlhe lorato lwa pelo ya me, kana nna ke a go rata le fa batho ba goeleditse dipuopuo di gana go fela tebang le nkokoago." "Batho ba rata go bua ka nkoko, naare ba re o dirang" Pelafalo a okaoka pele a inanatha a re: "B-ba-batho, batho ba na le gore nkokoago ga a rate batho. Sala sentle moratiwa, ke tla go bona ka moso.?
Bomba a dira seipato sa gore o santse a ya go nwa metsi kwa ntlong, ntekwane ga go metsi a sepe. O ne a itumedisitswe ke kgang e a sa tswang go e utlwa mme a sa kgone go e itimokanya. Fa a fitlha kwa ntlong a nnela go binabina a le nosi a ntse a re: "O mo tlogetse, o mo phuagantse ka kgetse, a dikgang tse di jesang monate ruri! Jaanong re a tsena rona makanyane."
Moruti Nteso o ne a ntse a segile "nne" mo sofeng ya gagwe ya manobonobo ya modiro wa Lazy boy.
Batsogapele ba kile ba re: "Ngwana yo o tlhogo kgolo o sira rraagwe". Se ba neng ba se tlhalosa fano ke gore fa ditiro tsa ngwana e le tse di sa siamang, di kgotlhela seriti sa motsadi mo go maswe, mme ga go ope yo o ka ganetsang seo. Kana ga re tsamae le bana ba rona kwa ba tsamayang teng mme seno se a tle se ba fe tšhono ya go re fora kgotsa go re tsietsa ka dinako dingwe. O ka ithaya wa re ngwana wa gago ke wa maitsholo a a rileng, wa ba wa nna wa ititaya mafatlha ka maitsholo a gagwe, ntekwane batho bone ba mmona ka leitlho le o sa le itseng. Se re se kayang fano ke gore batsadi ba ga Lakabane Nteso ba ne ba itse ngwana wa bone e le wa maitseo a motsadi a ka ipelang ka one. Go ne go le gontsi go ba neng ba sa go itse ka ga gagwe, mme sebe sa phiri e le gore ga ba itse fa ba sa itse. O ne a na le ditsala di le pedi kwa Thabantsho, kwa a neng a dira gone jaaka Rramelemo, e ne e le Kibiti le Kolokoti. Mathaka a mabedi ano a ne a sa di gadikela go di ja, mme ga go a ba tsaya lobaka pele ba tsenya Lakabane mo metsamaong ya bona ka katlego. Ba ne ba tsamaya ka dijanaga tsa mabaibai, majalwa ba latswa a maina a nna le wena re palelwang le ke go a buisa, ke raya ano a e tleng e re fa motho o thwetse lebotlolo la teng le le lolea, o le ipele o bo o le dirise jaaka sekgabiso sa maemo a a kwa godimo. Makgarebe one e le mmu le matlakala, motho o ne a thwantsha monwana fela o bone wa lotso looEfa lo tla kwa ntle ga go botsa potso.
Basimane ba gaetsho ba nna monate kwa Gauteng, ba thakgaletse ba kwa ga mothakga, go se letsapa le ba fisang pelo. Letsatsi lengwe ga tsena rre le mme Shai, e ne e le baagisani le bona. Rre Shai o ne a ba itsise gore ba rekile ntlo kwa 'Kempton Park' mme e na le sengwe le sengwe ka jalo ba ka ba rekisetsa fenitšhara e e mo phaposing ya bone fa e le gore ba a e kgatlhegela, sesolo fela. O ne a ba kopa dikete di le pedi fela sengwe le sengwe.
Leina la me ke Fatima, Fatima Govendor, mme ke kgatlhilwe ke fa ke lemoga gore nna le wena re kopanetse leina. Kana ga go a tlwaelesega, tota nkare tlwaelega e seng tlwaelesega gore MoAforika a ka bidiwa ka leina Fatima. Re itse maina ao e le a segarona. A ko o mpolelele, wena o le tsaya kae?
Go ya ka moo a tlhalositseng ka teng, lelapa leo le ne le mo tshotse jang 5. Go setlhaketlhake sengwe se Fatima Govendor a tlhalositseng gore o kile a se etela. Neela leina la sona. Kwa hoteleng go ne go le mosimanyana yo o neng a atisa go phepafatsa phaposi ya ga Fatima. Ene leina la gagwe ke mang Leina la hotele e Fatima a neng a nna kwa go yona kwa setlhaketlhakeng e ne e le mang Fernando wa Mopotokisi o ne a tsaya ngwana wa batho ka setsokotsane. Tlhalosa maikutlo a ga Fatima ka ga Fernando, o dirisa mafoko a gago. A o ka kgona go nopola Fatima ka mafoko a gagwe tebang le maikutlo a gagwe ka ga Fernando Go ya ka tlhaloganyo ya gago, maikutlo le maikaelelo a ga Fernando ka ga Fatima e ne e le eng Ke mafoko afe mo kgang e, a a supang a Seeng a a reng 'cul - de - sac' Ka Setswana o akanya a bo a kaya eng, goreng o akanya jalo Itlhalose?
O ne a bua jalo a gata a gatoga, a na le botshelo jaanong. Fa a setse a le dikgatonyana di le mmalwa go tswa fa go Bomba, Bomba a bua a gagasela a re: "Le gale fa o sa tlhole o mo tlhoka, o se mo latlhele kwa thothobolong bogolo o mo latlhele mo sehubang sa me."
"Dumela ngwana wa moloi." E rile a tsholetsa matlho, a kgatlhantshiwa ke sefatlhego se se tletseng boleo le bosetlhogo sa motho yo a ntseng a iphora a re o tla tsoga a mmitsa mmatsale ka moso. Ngwana wa batho a tsewa ke sedidi, mafoko a gaelelwa mo ganong. Morago ga go fopholetsa mafoko a go fetola a re: "Dumela MmaPelafalo, a o ne o bua le nna" "Ke bua nao le jaanong. Kgotsa ke mang gape ngwana wa moloi yo o mmonang mo tikologong e A kgotsa le a itsane bana ba baloi A gone e a bo e se madi a monna wa me a lo a bong lo a ja ao" Fatima wa batho a iphitlhela a aparetswe ke ditlhong tse di senang go lekanngwa le sepe, a leba kwa le kwa go tlhotlhomisa gore go ka bo go le batho ba le kae ba ba utlwileng fa a bidiwa ngwana wa moloi phatlalatsa. Lesego ya nna go sa bone ope yo a mo lemogang le fa e le go mo itse. Ka boingotlo jo a bo antseng go tswa mo go nkokoagwe, Fatima a tswa molomo: "Mme o teng kwa gae, ke ene a nthomileng. Se ke sa se tlhaloganyeng ke madi a go tweng ke a a ja." MmaPelafalo yo o neng a ntse a suma ka kgalefo a tlhalosa: "Bona fa Fatimanyana towe! ke go tlhoile mme ke go tlhoisitswe ke mabaka a a nkamang. La ntlha, ke gore ga ke batle bagogadi ba baloi! Ga ke lore ke nyalelane le baloi. Fa e le gore le setse le forane wena le Pelafalonyana yoo wa gago, o itse mosetsanyana gore tseo tsotlhe di tla fetoga dijo tsa ditoro fela. Kwa ga me o tla nna ngwetsi ke sule kgotsa go sule wena." Fatima a sala a ntse a mo rotoletse matlho, a tswile dikgapheng jaaka e kete o bone sengwe se se tshosang tota, puo yona a e tlhoka a ntse a o rwele. Yo o nang nayo a tswelela: "La bobedi, ke ipotsa gore fa ngwanake a ne a sa rutega, a sa ya kwa diyunibesithing a o ne o tla mo ikgomaretsa jaaka bonota jaana Ba ba go itseng sentle ba re o itirile sutu ya gagwe. Ba ba go itseng botoka le go gaisa ba re le a ya ntlwaneng ya boithusitso tota o ntse o mo kgomaretse, sisi! ga o tlhabiwe ke ditlhong, a bua jalo a mo kgwa mathe. Le a di rata tlhe ditšhono, kante lo bomabina-go-tsholwa fa lo riana Tsa gago wena dithuto di kae O na le eng" Pelo ya ngwana wa batho ya tsorotla kgodu e khibidu. Mo nakong yotlhe e, o ne a ntse a sa itse gore mme yo a ntseng a iphora a re o tla tsoga a le mmatsalaagwe, o mo tlhoile go le kanakana. Mo puong yotlhe ya mme yo, go ne go sa ntse go le sengwe se se saletseng kwa morago, sengwe se Fatima a neng a sa ntse a sa se tlhaloganye: "Jaanong mma, madi a monna wa gago a o ntatofaletsang go a ja one ke afe Nna ga ke ikitse nkile ka ja madi a monna wa ope ruri." "Ga o a itse A o batla ke go a bolelele A ga o itse fa Pelafalo a sa dire Kgotsa wena o itse a dira kae O itse a dira kae le gore o amogela bokae A ga o itse fa dimonamone tse a tlholang a di go kgogompetse e le tsa madi a monna wa me 'Teddy bear' e ba reng o go e reketse malobanyana fa yone o itse a e rekile ka madi a ga mang Haa!! bua mosadi, bua mma." E rile gore Fatima a lemoge fa e sa ne mme e komakoma, a ipolelela gore go tlholwa ga se go lema dinaka. A akanya ka ga lerato le a ratang Pelafalo ka lona, mme e rile a le bapisa le lotlhoo le mmaagwe Pelafalo a mo tlhoileng ka lona, a tlhoboga lerato leo, a le tlhobogela ruri. "MmaPelafalo, ke a go tshepisa, ga nkitla ke tlhola ke ikgomaretsa ngwana wa gago gape. O ka se tlhole o utlwa go twe ke bonwe le ene gope?
"E na le eng se se botlhokwa go le kalo se ke sa tshwanelwang ke go se bona" "A o tlhe Lerato, tlhee ngwanaarona ke kopa gore o " E rile fa Fatima a lemoga gore Lorato o ya go okomela ka kgang, a tšhaela monwana ka fa logwafeng pele a re: "Ntla! ke feditse ka bona jaanong." Lerato a bula letlojana mme a e bona, a bona kgetsana e ntshonyana ya letlalo, a e bula, a e bula ka iketlo. A se bona?
Se se gakgamatsang ke gore banna bano ba ne ba sa dire, mme botlhokatiro jwa bona bo sa itshupe e le sekgoreletsi ka gonne ba ne ba aga ba sailasaila ka mausausa a diranta gongwe le gongwe fa ba bonwang teng. Le fa go ne go se bosupi jo bo feletseng, go ne go na le magatwe a gore ba amega thata mo thekisong ya diritibatsi le diteemane. Le fa go ntse jalo e kete ba ne ba dira tiro ya bone ka makgethe, ba kgona go khurumetsa metlhala yotlhe ya bona ke ka moo go neng go ise go diragale gore ba tshwarwe ka morwalo. MmaNteso ka go sa itse, o ne a aga a ithorisa ka bana ba gagwe ba ba maitseo e bile a itse le go kgala ba batho ba bangwe. Le fa Nteso a ne a sa rate, o ne a felelwa ke ditlhale morutsheng, go se go kalo moo a ka go dirang. Ka letsatsi lengwe Lakabane a santse a itisitse ka phafana le ditsala tsa gagwe tsa tlhogo ya kgomo, ba utlwa a ba botsa potso e ba sa e solofelang, le go e tlhaloganya ba sa e tlhaloganye: "Banna ba gaetsho, a lo itse hoko ya dikgogo" "Hoko ya dikgoko, o raya eng jaanong" ga botsa Kibiti le Kolokoti ba buela gongwe. "Ee, ke ne ke rata go itse gore a lo itse pharologano magareng ga dikgoko tse di tswaletsweng mo hokong di fepiwa le tse di tlalatlalang le naga di itshelela" "Ke mang tota yo o ka reng ga a itse pharologano" ga botsa Kibiti. Lakabane a tswelela, "Ke buisiwa ke gore nna ke tle ke bone e kete dikgoko tse di tlalatlalang di leba tse di tswaletsweng ka kgatlhego ka di bona tseo di tlhokomelesegile sentle, di fiwa dijo le metsi, di direlwa sengwe le sengwe di bile di babalesegile kgatlhanong le dilalome. Ka mo letlhakoreng le lengwe o ka fitlhela dikgoko tse di tswaletsweng di lebile tse di tlalatlalang ka kgatlhego ka di bona di itsamaela jaaka di rata, di ijela se se ratwang ke tsona, tota le go tebalana le ditsie e kete tse di tswaletsweng di go tswela pelo. Jaanong la re botshelo jo bo monate ke bofe foo?
"Ka moso ke batla Fatima fa, ke ene a ka nnang esele ya me, e seng wena, o itse eng ka go nna esele wena" Pula wa batho a tsielega, o ne a sa itse gore o tla raya kgaitsadie a re eng, se se botlhoko e le gore ga go se a ka se dirang?
"Ee, ke raya sona senotlolo." "Ke ne ka se neelwa ke mmê ka namana." "Ke itumela thata fa o santse o gakologelwa. Jaanong a ko o mpolelele gore mosadimogolo o ne a raya gore ke senotlolwana sa eng fa e le gore o santse o le tshegana-ingate?
Lakabane o ne a rapela bosigo le motshegare gore a se atlholwe mme a ipone a gololosegile. Bosigo bongwe, rraagwe a mo etela ka toro go mo itsise dikgang tse di jesang monate tsa gore, dithapelo tsa gagwe di utlwetse mme a solofele go gololwa mo sebakeng se se sa fediseng pelo. O ne a mo tlhokomedisa go ithuta batho: "O ithute go tlotla basadi. Kana motho fa a apere ng kgotsa eng, o a bo a aparetse ene, e seng wena, mme ga o na tshiamelo epe ya go mo henahena. Seipato sa gago sa gore o simolotswe pele, se bokoa thata ngwanaka." E rile bo sa, ga diragala motlholo ka nnete. O ne a etelwa ke motho yo a mo itseng sentle le fa a ne a sa mo solofela ka gope. E ne e se ope fa e se Ouma, ene mosetsana yole wa go mo latofatsa ka go iphamolela tlhakwana ya podi. "Dumela abuti Lakabane, ke tsile go go itsise gore ke tsholola kgetse, ke go itshwaretse, o se mpotse sepe, ke na le mabaka a me a gore ke go itshwarele." O ne a tswa a tsamaya a sa fa Lakabane le tšhono ya go tsiboga. Fa a fitlha kwa go boKolokoti, a ba tlhalosetsa gore o dirile jaaka ba mo laetse. Ba mo naya dikete di le pedi tsa diranta go mo leboga. Kolokoti a sala a re mo go Kibiti: "Kana boammaaruri ke gore mothaka ene o ne a sa re siamololela ka gope. Motho yo re neng re batla go mo ntsha botlhale ke mmaagwe, mme bo dule, bo tswetse ruri, ga ke na pelaelo." Pelafalo ene ka ntlha ya go ikitse a rwele bolwetse jo bo sa alafegeng, a nna kwa Gauteng a tlhobogile sekolo, a tlhobogile dithuto mme nko yona e sa tlhole e tswa ka mo phafaneng ya bojalwa.O ne a ba a tloga kwa Soweto, mme ba ba mmoneng kwa Alexandra malobanyana fa, ba re melomo e setse e le ditatswa fela. O aga a re ga go thuse go leka go itshomarela etswe a itse gore o samile garawe. Lorato ene ba re o ineeletse lefatshe gore le dire jaaka le rata ka ene. O tladitswe lefatshe ke tsupuetsego go fitlha a ipona a le kwa Hillbrow. Le gompieno wa gompieno o santse a le kwa teng, kgwebo ya gagwe e mo tsamaela sentle, se a se rekisang ke ene ka sebele. Borrangwanaarona ba ema mekoloko fa ntle ga phaposi ya gagwe ba tshotse mausausa a diranta, mme ba tswa dikgetse di le lolea. Lorato o tlhoile mesomelwana ka pelo yotlhe ya gagwe ka gore a re ga a batle go swa a le nosi. MmaPelafalo ene o ne a belesediwa, a gatisiwa kosene letsatsi le penne. Ba ba mmoneng ka matlho ba re o dule a akga diatla. A boela kwa gaabo kwa Thulama a sa gadime kwa morago. Thulama wa teng o sale a mo feleletsa ka phitlho ya mmaagwe. A fitlhela ntlo ya kwa gaabo e ntse letlotla. Baagi ba Thulama ba ne ba mo sisimoga ka ba ne ba mmone bosulanyana mo lokwalodikganyeng. O ne a sa itse gore a ka ya kwa ga mang ka a ne a sentse dikamano ka esi le batho ba Thulama motsing o o a neng a ipona gore o nyalegile mme o tsene mo mafureng jaaka philo. O kgotlhetse didiba, a lebala gore o tla tsoga a batla go nwa gape mo go tsona. O ne a ba a gakologelwa ka pelo e e sisang gore kana batsogapele ba kile ba re: "O se bone nong go rakalala godimo, go ya tlase ke ga yona." Malobanyana fa jaaka a ne a ntse a le nosi mo maropeng a batsadi ba gagwe, pelo e ne ya thelela botlhoko fa a utlwa kopelo e e botswerere e tlhaga kgakajana mme le gale e utlwala sentle. E re ka Thulama e se kgakala le naga ya Lesotho, mo kopelong go ne ga utlwala monna wa Mosotho a opela ka lentswe le le gagaselang o ka re a ka šaga dikota ka lona jaaka a ne a re: "Empa jwale ho fedile " O ne a lemoga ka tota gore go fedile ka ene. Botshelo jwa gagwe bo kgethefetse, a ka se bo apolele ope, molato o le mo diatleng tsa gagwe. Ka nako eo, ke fa a tlhoka le se a ka se latlhelang mo ntshung, a ntse kwa maropeng a bagolo ba gagwe jaaka segogou sa bosena-tshwaro. A iphelela pelo gore mmopi a dire thata ya gagwe ka ena.
Lerato a phamola founu mme a re: "Ke nna Lerato, a go sengwe se se go jang mosadi A ga o bone boroko" "Ee, ga ke bo bone ka ntata ya kgetsana ya me ya letlalo e ke e tlogetseng ka phoso ka mo kobotlong ya diaparo ka koo. Ke a kopa, tsweetswee gore lo e neele Pula gore a tle nayo motsing a tlang gae, ke kopa le gore le se ke la okomela se se mo teng tlhe, ke a le rapela.?
Abakane o ne a kile a tlalelana mafatlha, a bitsakaka rraagwe ka mainaina a a sa tlhageleleng mo lokwaloitshupong, a kgwa manxa, a phamola setulo se a neng a se ntse, a se phatlalatsa fa fatshe, a thubaganya setswalo a tswa a tsamaya. E ne e le la ntlha le la bofelo a mmona a ntse jalo. Mo sebakeng se o ne a ipotsa gore a go ka kgonega gore a bo a dirile se go tweng o se dirile, le teng e le fa e le gore go tewa ene. O ne a nnetse go balabala ka pelo jalo a sa ele tlhoko le gore fa e sa le letsatsi le ntsha nko ka kgala ya botlhaba, ga a ise a ke a latlhele sepesepe mo ntshung. Mmele o ne wa simolola go koafala, maikutlo le one a ya kwa tlase.
Fatima a dira sengwe sa dilo tse a neng a setse a lebetse gore o itse go di dira e bong go nyenya pele a mo thadisetsa ka botlalo a re: Tota Fatima eno ga se leina la me la nnete. Ke utlwa go twe motsing ke neng ke tsholwa, go ne go le mmelegisi mongwe wa MoIndia a bidiwa ka leina le. Ke utlwa mme a re mmelegisi yo, a bona e kete ke montle jaaka ena mme a kopa mme gore a mpitse ka leina la gagwe. Ke gola ke bidiwa ka leina le go fitlha le gompieno. Batho botlhe ba ba ntlwaetseng le ba ba nkitseng ba mpitsa jalo, le nna ka nosi ke tsamaya ke lebala leina la me la Setswana. Wena o MoIndia yo o ntseng jang yo o buang Setswana se se tlhololo jaana?
Wits nala. Mo gare ga bosigo, fa a re o ya go kwa dithekesing gaufi le hotele e e itsegeng thata ya Milpark, a rakana le masogwana a le mabedi a difatlhego tse a simololang go di bona. O ne a tsenwa ke letshogo a bo a ikwatlhaela go ebela masigo jalo a le nosi mo gare ga mpa ya Gauteng. O ne a ba a gakologelwa puo e le ya maloba ya gore thipa ya kwa Gauteng ga e a kopelwa jaaka ya kwa Foreisetata. Mongwe wa mathaka ano a lemoga ka bonako fa Pula o tshogile. "O se tshoge 'mfana', leina la me ke Dikhambadoni, 'mpintšhi' ya me fano ke Vakele, a o itse Lerato, Lerato Nteso" "Lerato ke mo itse sentle, re nna mmila o le mongwe" "Jaanong ke goreng ene le mmaagwe ba go tlhoile jaana, o ba jetse eng mfana" "Ga ke itse fela ke tlhomamisa gore ga ke a ba jela sepe e bile ke ntse ke sa lemoge gore ba ntlhoile go le kalo. Ya tsewa ke Vakele: "Ga o lemoge jang ba setse ba re duetse madi ka makgetlo a le mabedi gore re go bolaye Rona ke rona fela re neng ra ijela madi fela re sa dira tiro ka gore re ne re sa utlwe lebaka sentle." Ya nna gone Pula a tshogang: "Mpolaya, nna, leng, kae, jang" "A ga o gakologelwe letsatsi la ntlha o simolola go fitlha mo Jozi. A ke re Lerato o ne a rile o tla tla go tsaya ka sethoboloko, jaanong ke goreng a ne a sa tle go go tsaya Thulaganyo e ne e le gore o kotame foo go fitlha go fifala, rona ra bo re tla go go kgabatlelela ka maruarua a rona a dithipa. Modimo wa gago o mogolo mfana kgotsa ngaka ya gago e itse tiro ya yone." Pula a akanya ka tsenelelo ka ga kgang ya banna ba mme a fitlhela go sa kgonege gore ba ka tlhama noolwane e e ntseng jalo, a itse ka jalo gore ba bua boamaaruri. O ne a ikutlwa a tlhoa Mmamoruti le Lerato wa gagwe ka letlhoo le a ntseng a sa itse gore a ka nna le lona. A ba hutsa go fitlha kwa tshikeng ya botlhano. Pula a sianela kwa mogaleng o o gaufi. BoDikhambadoni ba tla ba mo setse morago. A leletsa mosadimogolo mogala a sa itse le gore Mmamoruti o gone kwa gaabo. O ne a tlhalosetsa nkokoagwe sengwe le sengwe se boVakele ba se mmoleletseng. Mosadimogolo o ne a sa rate go dumela, o ne a simolola go dumela fa Vakele a phamola mogala mme a mmolelela ka esi ka ga se se diragetseng. Mosadimogolo a ba bolelela fa Mmamoruti a le teng mo ga gagwe mme a eletsa gore ba bue a tle a ikutlwele. Dikhambadoni a tsena: "Nkoko, mmitse a tle mo mogaleng." Mosadimogolo a biletsa Mmamoruti fa mogaleng, Mmamoruti o ne a sa itse gore o bidiwa ke mang mo mogaleng. Dikhambadoni a itlhalosa: "Jeforou, ke nna Dikhambadoni, a o a nkgakologelwa" Boingotlo le ene o ne a atameditse tsebe ya gagwe mo mogaleng. Boammaaruri ke gore Mmamoruti o ne a sa gakologelwe leina leo, "Dikha-mang" "Ke Dikhambadoni mme ke tsamaya le Vakele. A ga o re gakologelwe ka gope" "Ga ke lo gakologelwe sentle, lo letsa lo le kae banaka" "Rona, re go tshwara sentle, e bile re go bone o tlhageletse mo kuranteng, kante o Mmamoruti yo o ntseng jang A o teng Mmamoruti fela yo o tsamayang a soka mabole mo mmileng! Ke rona ba le ba wena le morwadio, Lerato le neng la re duela gore re bolaye 'mfananyana' yole yo le neng le re ke ngwana wa moloi..." Mmamoruti a wela fa fatshe, a idibala?
Makolwane a gaetsho a itumelela sesolo seo thata. Bonolo ene o ne a itumela fela ka gonne e le selo se se itumedisang mme a sa itse gore o tla tsenya seatla ka go dira eng. O ne a itse gore ene ka nosi dikete di le pedi a ka se di kgone. Tse di neng di akareditswe mo sesolong seno e ne e le tafole le ditulo di le nne, setofo sa dipitsa di le pedi, bolao jwa batho ba le babedi gammogo le kobotlo ya go beela diaparo. Pelafalo jaaka kwana ya nku e e lolemeletala, a lala a romile mogala kwa gae mme ya re a tsoga, a bo a romeletswe madi. Go ne ga simolola khuduga e kgolo jaaka go ne go fudugelwa kwa phaposing ya ga Shai. Dithoto tse ba neng ba sa tlhole ba di rata ba di ja ka molelo ka ntata ya boitumelo. Bonolo o ne a tlhokomela gore jaanong fenitšhara e ba nang nayo ke ya ga Pelafalo ka botlalo. Le gale o ne a ikgomotsa ka gore o tlile go tsamaya pele ga Pelafalo.
Morago ga kopelo e e molodi e, e e tlhabang motho mo pelong, moruti a kgaogana le piano, a nna mo sofeng mme a tlhaselwa ke letshanyana la boroko. Mo torong, a lora a konyakonya mo kgorong ya legodimo mme a bulelwa ke moengele wa sefatlhego se se edileng. Ntekwane o ne a sa lore o ne a konyakonya ka nnete. Ba ba neng ba italetsa mo ntlong ya gagwe ka go ngokwa ke molodi wa pina, ba fitlhela maloba e le maabane.
"Karabo ya gagwe e a tshegisa gone jaanong mme ka nako eo, e ne e sa tshegise e bile ke ne ke mo tlhabelwa ke ditlhong." "Mpolelele, o ne a go raya a re eng" "O ne a nthaya a re 'mphe wena', ke ne ka leka go itshegisatshegisa ka ntlha ya ditlhong mme ka re: "Ao, ngaka, o ka dira eng ka selo se se ntseng jaaka nna jaana Ke ne ka lemoga fa ke mo leba sefatlhego gore o bua a tiisitse, a menne phatla fa a re: "Ga o selo mo go nna, o motho wa totatota". Go tloga motsing oo, ra nna baratani ba lerato la o ka swa nka go ja. Le gompieno ke santse ke mo rata fela jalo, ga go a fetoga sepe e bile ga ke batle go utlwa sepe ka ene ke jaaka ke neng ka mo itshwarela bonolo fa a ne a nteofetse." "A o go leofetse A mme o setse a kile a go leofela A ko o nthadisetse ka eo go le gonnye." "Waai, ke kgang e le ya 'mawelana' e ke rileng ke tla go e lotlegela ka letsatsi le lengwe. Wena o buise 'Kgori e bona lee', o tla ikutlwela." Sejanaga sa mabonomantle, sa modiro wa Sejeremane sa itelekela, se tsamaya e kete se a belafala pele mong a se tshwara maremo le go tobetsa phala. Fatima a tsholetsa matlho pele a re: "Ke ene mogatsake yo, re tla boa re bonana." O ne a kwakwantela kwa sejanageng. Fatima wa mosetsanyana a sala a rotoletse sejanaga matlho go fitlha se ema kwa makopanelong a ditsela. O ne a eletsa e kete le ene ka lengwe la malatsi a ka ipona a le mo maemong ao. Fa maikutlo a gagwe a santse a ile le naga jalo, a gakologelwa gore go sengwe mo seatleng sa gagwe mme a se leba. O ne a fitlhela e le letlojana lele la baswi le a sa le a le tshwarisiwa ke tsala ya gagwe?
Ditshiamelo tsotlhe di sireleditswe. Ga go na karolo ya kgatiso e, e e ka boelediwang, ya bolokiwa mo mofuteng o o ka tlhagisiwang gape ka ona, kgotsa ya gatisiwa mo sebopegong sengwe le sengwe kgotsa ka mokgwa o o rileng, wa elektroniki, ka motšhini, ka kgatiso, kgotsa ka mokgwa o mongwe o sele, kwa ntle ga gore go bonwe tumelano e e kwadilweng ya mong wa ditshiamelo tse di sireleditsweng tsa bakwadi pele.
A ko o rete setlhopha sa Pimville United Brothers jaaka bagasi ba Setswana ba ne ba dira metlheng eo, buela kwa godimo, phaposi yotlhe e reeditse. Go ya ka moo o tlhalogantseng ka gone, a motlhatlheledi Maseko ka esi o kile a tshameka kgwele ya dinao Go ya ka wena monna yo Dancing Shoes e ne e le wa semelo se se jang Motlhatlheledi Maseko ene o ka re o ne a le semelo se se jang Go ya ka moo o tlhalogantseng ka teng, Thandi e ne e le mang Ga twe monna wa Mosotho o ne a opela ka lentswe le le gagaselang o kete a ka saga dikota ka lone, leina la gagwe ke mang Go kaiwa eng fa go twe 'dipitsa di agetse digokgo' Tlhalosa. O ka netefatsa jang gore MmaPelafalo o ne a sa golela mo lelapeng le le itsholetseng Go ya ka wena, a mme Pelafalo le Lerato ba ne ba na le twatsi ya HIV kgotsa nnyaa Tshegetsa karabo ya gago ka mabaka. Go ya ka wena, a botshelo jo bo neng bo tshelwa ke Kibiti le Kolokoti bo ne bo siame kgotsa bo ne bo sa siama Emelela ntlha ya gago ka mabaka?
Fatima a leba mmaagwe le nkokoagwe sebakanyana pele a re: "Nkoko, kana go lo fa, re hutsafala jaana ka ntlha ya leina la gago. Ke leina la gago le le gogakiwang mo seretseng mme wena o lebega o sa le tshwenyegele ka gope." Boingotlo a thubega ka setshego pele a re: "Ngwanaka, ga ke loe. Ga go sepe se nna nka ka se dirang go fetola ditlhaloganyo tse di boleletsweng ke beng ba tsone ka ga me. Ke tla ba reng Ke setse ke tlwaetse.?
"Ke goreng o ne o re ke ratane le Pelafalo yo gone jaanong a ntsentseng HIV/AIDS" Mmaagwe a o tlhoka a ntse a o rwele. A tlhakatlhakana jaaka e kete ke ene e tsenweng ke bolwetse. MmaPelafalo fa a sena go amogela mogala, a kokomoga a le nosi ka tšhakgalo: "MmaNteso wa molotsana! Ke sale ke ntse ke balaela. Ke tsone tse a neng a di batla. O ne a ntse a batla gore 'Aids' eo ya gagwe e a e bitsang ngwana e mpolaele wa me. Ke ya go mmolaya la go swa! e seng leng, gone jaanong! A tswa mo ntlong a suma jaaka setimela, a santse a le mo meseseng ya bosigo. MmaNteso ene o ne a boa go tswa kwa ntlong e a neng a tswa go amogela mogala kwa go yona, e seng kwa ga Boingotlo. E rile a akanya ka ntlha eno ya Aids sentle, a bona kwa e tswang teng ka tlhamalalo. A simolola go batla yo a ka mo latofatsang: "Mmm, ke sale ke mmelaela MmaPelafalo wa molotsana! Ke tsone tse a neng a di batla tse! O ne a ntse a batla gore setlhobogwa sele sa gagwe se se ke sa swa se le nosi. O kgotsofetse, o kgotsofetse kwa a teng ka gore jaanong ngwanake o tlile go swa le wa gagwe. O tla nkitse, nna ke Portia wa ponto le šeleng! Ga se nna ke tla dirwang jaIo ka ngwana ke mo tsetse, ka bo ke phutha diatla. Ke ya go mo sokeletsa molala, e seng leng, ka re gona jaanong." O ne a tswa mo ntlong a tšhakgetse jaaka lebolobolo le tshetswe ka motlhaba. O ne a santse a le mo meseseng ya bosigo. A gatela kwa godimo, maoto a gagwe a tlhaela lefatshe, mmele wa gagwe o mokima a sa o utlwe ka sepe. E rile a tikologa ka sekhutlwana sa fa kerekeng ya Fora, a bona mongwe yo mokima jaaka ene le ene a gatela kwa godimo. Ba rakanela fa bogareng jwa kereke ya Fora le ntlolehalahala?
O ne a ngunanguga thapelonyana pele a tsholetsa mogala: "Modimo Rara, modiri wa thata yotlhe, a e se nne ngwanake tlhe ke a go rapela." "Rra, ke Lakabane, ke bua jaana ke leletswe ke ditshipi tsa kgolegelo" Moruti a pumpunyega sethitho pele a re: "Molato ke eng monna, a o tshwatshwaeditswe kgotsa jang Ntheye o re ba go tshwatshwaeditse tlhee, ke a go rapela mosimanyana wa me." Pelo ya Lakabane ya uba a eletsa e kete a ka aketsa le rraagwe. Le gale a itse gore o tla bo a lema diso ka go di ingwaela. A fetsa le maikutlo a gagwe gore a phunye seso fela, se tswe boladu go ye kwa go yang teng: "Rra, ga ke a tshwatshwaediwa ka gope, ke dirile jalo le gale mosetsana a umakiwang ke ene a simolotseng, o nkgogetse mo thaelong, ga ke a dira ka bomo..." Moruti ga a ka a tlhola a utlwelela go feta foo, a pirigana fa fatshe jaaka kgetse ya mmopo mme e le la bobedi selo se, se mo diragalela mo letsatsing le le lengwe. "Molato ke eng rre moruti, a ke go biletse ngaka" "Nnyaa, Pula ngwanaka ntshegetse fela go fitlha kwa gae.?
"Pela, ke wena, monna" A botsa jalo a thibosa sesiro sa letlhabaphefo go netefatsa. Monyenyo wa ngwedi o mosetlhana o o neng o bonesitse sefatlhego sa ngwana wa monna se se tlhontseng wa lemosa Bomba ka bonakonako gore sengwe se gone. Kwa ntle ga go okaoka a re jasana ya bosigo ntle magetleng, ditlhako tsa bosigo ntle dinaong. Ka ntata ya go tila go tsosa bagolo, a phaila a ngotlile mokgwasa a ba a fitlha a bula setswalo a ntse a o ngotlile fela jalo?
Ka go tlhabega maikutlo, a sela matlapa mme a leka go ba tebela. Ba phatlhalala mme a se itse gore a ka ora ofe dibeso lesa ofe. A sala a eme fela a sa itse gore a ka ba dira eng.
"Cul - de - sac" gape mo go ba ba nang le makwalo a go kgweetsa e kaya selo sengwe se se rileng. Wena fa e le gore ga o kgweetse, o akanya gore ke ka ntata ya eng fa ba ba kgweetsang bone ba patelesega gore ba a itse Go sengwe se se neng se tladitse Fatima ka phisego ya go bona sefofane se tsurama mo Aforika Borwa, e ne e le eng Ke eng sa ntlha se Fatima a neng a se dira fa a fitlha kwa gae go tswa boitapolosong le bathapi ba gagwe Fatima o ne a simolola go bopama. Fa o bona go ne go diragala eng Go sengwenyana se se tshegisang tebang le ngaka e Fatima a neng a ile kwa go yone. A o ka se tlhalosa Felo gongwe kwa Thabantsho go kile ga belegwa mawelana a metlholo. Ga go bonolo go tlhaloganya gore go ne go tewa eng fela go na le tsela e nosi fela ya go ka tlhaloganya se, ke efe?
A tlhakana tlhogo, a leka go tebela sejanaga ka lobelo mme a lemoga lebelo le sejanaga se neng se tsamaya ka lona, a itlhoboga. O ne a fetsa le maikutlo a gagwe gore a le tsenye mo kgetsaneng ya gagwe mme a tsamae a le rwele jalo ka tsholofelo ya gore 'tsatsi lengwe o tla boa a rakana le Fatima mong wa lone mme a le mo neele. Go tloga motsing oo, kgetsana ya ga Fatima ya letlalo e a e rwalang ka legetla, ya nna legae la leruri la letlojana leo.
i. Ke goreng mokwadi a ne a tila go dirisa leina la mothaka yo ii. O lemogile jang gore mokwadi o titse go le dirisa iii. Fa o bona leina la motshameki yoo ke mang?
"Pela monna, go rileng masigo jaana" "Monna wetsho, ke tlhakatlhakane. A go sengwe se o se itseng ka ga mosadimogolo Boingotlo?
"Ke lemogile fela gore o ne o ntse o buisa buka mme ga ke a e tsaya tsia, ke e e bidiwang mang" "Ke e e bidiwang 'Kgori e bona lee' mme e kwadile ke P. Tseole. O e ipuisetse o tla ikutlwela, o a itse seso se monate se ingwaelwa.?
Mme Portia a o moma fela, a se ke a araba. O ne a tsena mo kamoreng, mme a tswa a setse a fetotse moaparo, o ne a apere tse di dumalanang le mafoko a o a buileng: "Dijo tsa gago di ka mo ontong. Ke sa ya go bona MmaPelafalo." A bua a kukile nko jaaka ntšwa e dupelela. A tlogela moruti a sena boiketlo mo moweng. O ne a sala a balabala a le nosi ka pelo, a tsamaya a kopakopanya le go latofatsa Modimo ka go mo abela mosadi yo o tlhoileng mmaagwe go le kanakana. Nteso a simolola go utlwa e kete pelo ya gagwe e gateletswe ke sengwe, a imelega, a sa tlhaloganye gore jaanong matsapa ke eng. O ne a leka go itapolosa ka go tshameka, kopelo ya moswi Jim Reeves jaaka a re: "This world is not my home." Pelafalo le Bonolo ba ne ba kaname mo bolaong jaaka dinonnori fa Bonolo a tla phatlhoga fela a sa rumolwa a re: "Hee, Pela, aitsane ke na le go tlelwa ke maikutlo a gore kopano ya gago le Lerato e kete ke e e rulagantsweng Go tla jang gore fa Fatima a sena go go tlogela fela, Lerato a bo a setse a wa fela jaaka sewagodimo fa pele ga gago. O wa a tlhaga kae monna" "Mmona Soft, jaanong wena o a bo o bua dife jaanong" "Ke akanya fela, kana batsadi bangwe ba tle ba tshameke morabaraba ka bana ba bone." Pelafalo a ikgagolaka meriri e e malepelepe, a šakgala a re: "Ke tlhoile leina Fatiiiima, ke tlhoile leina Bomba, motho wa teng fa a ntse a mpolelela ka lekau le a le iponetseng ntekwane o ntse a bua ka ga Bomba. Bomba ke eeeeeng monna A o raya Bomba wa matlhogole! Bomba ga a na mabaka! Bonolo o ne a mo leba mme a mo tlhokela puo, kaekae o ka re o ne a batla go ikwatlhaela go tloga a lerile kgang eo mo tafoleng. Pelafalo a kgwa manxa gabedi kgotsa gararo pele a re: "Motho o ka ithaya wa re ke tsala ya gago, wa mmona a go tshegeditse fa o le mo tlalelong, e bile a ntse a go gakolola, wa mo utlwa a go buisa ka leleme le le borethe, ntekwane o go tsenyeditse lerumo mo kobong, o tshabe motho kana ga a itsewe e se naga.?
Mmamoruti o itharabologetswe a ipona a robaditswe gape mo bolaong jwa ga Fatima. A robatsa mmutla gore ba se lemoge gore o itharabologetswe. E ne e le gone a ntseng a leka go akanya sentle ka tse di diragetseng le go leka go pateletsa tlhaloganyo ya gagwe go dumela gore e ne e le toro fela. Bosigo jotlhe a lala a balabala ka pelo, a ipotsa gore o tla tsoga a lebana jang mo matlhong le mosadimogolo le ngwana wa gagwe. A lala a leka go loga leano la go ngwega, ga pala ka a ne a tlhoka le sentenyana o montsho mo go ene. Ka moso a tsoswa ke mogodungwana wa ga Fatima o o patilweng ke sefatlhego se se edileng se se tletseng monyenyo. O ne a swaba nko go feta molomo fa Boingotlo a tsoga a mo dumedisa le go mmotsa gore o letse jang. O ne a omosediwa metsi a go tlhapa a ba a bona le difitlholo. Letsatsi lotlhe a le tlhola a ikgogonne a le bodutu, a le bosula a sa itse gore o tla atlhama a reng tota mo go Boingotlo. Boingotlo a tlhola a ntse a le boingotlo jaaka leina la gagwe le kaya, a mmuisa o ka re ga go a re sepe. Letshogo le ketsaetsego ya go sa itse gore ba rerile go dira eng ka ena, ke tsona tse di neng tsa mo tlhotlha mafura. Mo maitsiboeng Mmamoruti a ba utlwa ba mo seba: "Fatima ngwanaka, re se itshele bomadimabe ka go mo ikatlholela, re se mmotse sepe tebang le maiteko a go bolaya kgaitsadio. Ke batla gore dibe tsa gagwe di mo je, di mo fetse, di mo phunyakake maroba, di mo ntshe mpaola fa di batla fa di ka tswang teng."
Pelafalo a tswirinya molodi wa boitumelo mo gare ga bosigo, a o tswirinya gore dingwe tsa dintšwa di bo di tlhabege; tsa utlwala ka pogolo gore ga di a itumelela molodi oo, "E kabo e se weeeeena; Bomba-Bombastiki" Kana wena o kgeleke tota, o kgeleke le moo e reng le fa motho a go boditse potso e le yosi, o tseye bosigo jotlhe go e fetola. Ka boripana o kaya fela gore ke kgomarele Fatima ke lebale mosadimogolo."
Letsatsi le le latelang, ka Labone, fa Pula a ntse a ikaegile ka lebota la dikago kwa sekolong, a utlwa mongwe a mo dumedisa ka leina le e seng la gagwe: "Dumela Frelimo kgotsa o monnawe Frelimo" Motho yo o dumedisang yoo e ne e le motlhatlheledi Maseko. Maseko a atamela Pula le go mo dumedisa ka seatla pele a mmotsa gore o amana jang le Frelimo. Pula a gakologelwa ka bonakonako gore rraagwe o ne a tle a ba tlotlele gore o ne a bidiwa ka leina leo fa a ne a santse a tshamekela Pimville United Brothers. O ne a tsibogela motlhatlheledi ka go re: "Nna leina la me ke Pula, Frelimo e ne e le Rre." Maseko a mo tlamparela ka boitumelo pele a re: "Rraago o ne a tshamekela PUBS, kgwele e ne e jewa foo" O ne a tswelela go rorisa ka moo rraagwe Pula a neng a ja kgwele ka teng. Pula a dirisa tšhono eo go mmegela ka ga tlalelo e a nang le yona. Maseko amega thata a ba a mo solofetsa gore fa a latlha jokwe, o tla tsamaya nae go mo isa kwa mothong yo a eletsang a ka mmona. Ga a ka a tlhalosa gore motho yo o ke mang le gore ke wa eng. Pula a tlala phisego ya go rata go itse gore motho yo ke mang. Se a neng a se rapela fela e ne e le gore e nne motho yo o tla mo thusang ka bonno gore a rekologe mo go Satane yole yo go tweng ke Pelafalo?
"Go tla nna mo mpaananeng gore motekwane oo, e tla bo e se wa gagwe, e seng Lakabane wa me, leka go batla sekao se sengwe bogolo! Ke wena yo o itseng le go gaisa nna gore Lakabane o e rwala ka tlatlana fa kgwedi e fela! Ao, e tla bo e se Lakabane wa me yo o buang ka ena."
Mogaetsho, ngwaga legonnyana o a robega. Leitlho le ne le ise le bonye le go bonya, ke fa go setse go tlhantlhetswe go ipaakanyediwa ditlhatlhobo tsa makgaolakgang. Dikolo naga ka bophara di ne di le mo maemong a a itekanetseng go ka mekamekana le ditlhatlhobo. Ketsaetsego e ne e le fela kwa koletšhekatiso ya borutabana ya Soweto, e e neng e setse e boifisitse ka go ngala ditlhatlhobo. Mmamoruti o ne a rata go ikaba ditsebe ka boka fa a utlwa gore morwadie ke mongwe wa ba ba tshotseng mokgwaro wa go tlhosetsa molelo o wa go ngala ditlhatlhobo. Moruti ene ka kitso ya gagwe ya gore o ka se ikanye ngwana go le kalo, a dumela one magatwegatwe ao mme a simolola go ngongorega. O ne a leka go gakolola mogatse jaaka a kile a mo tlhokomedisa gore mosetsana a ka ne a nnetse go tshameka mantlwane, a sa ithute. O ne a tlhagisa bona bopaki joo mme a re: "Fa e le gore o ipaakantse, gone ke goreng e le mongwe wa ba ba reng go se kwalwe" Mmamoruti a mo ja nko e sa butswa, a mo kgobotletsa ka mafoko a a galakang, mangwe a one e le ditlhapa tsa seheitene, tse nna le wena re ntseng re ithaya re re ga di itsiwe mo malapeng a seruti. Monna wa Modimo a tšhotlhelela kobo le leswe, a kalametsa mathe a tlhakane le madi, kgodu e khibidu yona ya tsorotlela ka fa gare?
E ne e le ka sethoboloko, mo letsatsing le le latelang fa Bomba a ikanametse fa tlase ga setlhare sa kwa gaabo, a ipuisetsa lekwalodikgang. Ga tsena Fatima ka sebele, Bomba a ipotsa dipotso di gana go fela. E ne e se tlwaelo gore Fatima a etele Bomba.
"Modimo o go segofatse ngwanaka." E rile gore a ba hularele, Boingotlo a sala a bua le mamphorwana a gagwe a re: "Modimo o segofatse Mmamoruti, gongwe leso la ga mogatse lo mo fetotse pelo." Motsing o Pula a neng a ipaakanyetsa tsela, Mmamoruti o ne a le teng, a tlhantlhetse a thusa o ka ba wa ithaya wa re ga se mo ga mosadimogolo wa moloi. O se ke wa lebala, kana Pula o ne a ise a ke a gate kwa Gauteng fa e sale e nna ena. "Dithekesi tse di tswang kwa Belekomo, di gorogela mo mmileng o o bidiwang 'Noord' go tloga foo o tla tshwara tse di yang kwa yunibesithing ka tlhamalalo, mme fa o sena go ipega, o tla ema mo tseleng eo gore Lerato a tle go go tsaya ka sejanaga sa ga malomaagwe go go isa kwa o yang go nna teng. Tsela-tshweu mosimanyana wa me. Morago ga gore a tswe, Boingotlo a sala a re: "Modimo o segofatse Mmamoruti le kgaitsadie."
Mosadimogolo MmaNteso, yole wa go amusa moruti letsele e le lesea, e rile go utlwa pego fela, a lebala sekgopi sa gagwe le ngwetsi mme a bofa merwalo ka mogala a gopola kwa Foreisetata go boloka ngwana e le wa gagwe. Dithulaganyo tsa dirwa ka matsetseleko le botswerere mme moruti a bolokwa ka seriti le tlotlo tse di mo tshwanetseng. Ka fa letlhakoreng le lengwe Fatima le ena o ne a simolola go tlhorisega thata mo motseng. Dipuopuo tsa gore boloi ba ga nkokoaagwe ke bone bo tlhodileng loso lwa moruti, di ne tsa mo pitikisa le lefatshe, tsa mo gamuketsa botlhoko mo pelong. O ne a simolola go ikgogona thata, a nna fela mo ntlong, a ila go bonana le batho. Go tswa ga gagwe fela e ne e le fa a ya kwa laeborari, le teng o ne a sa tsene ka tsela ya batho botlhe, o ne a sutlha legora ka kwa morago gore a tsene ka bokhukhuntshwane. Tsala ya gagwe ya nna dibuka fela, a buisa letsatsi lotlhe moo a neng a sa ele tlhoko gore le go ja o ne a sa je. Molndia. Mosadi yo o ne a apere sarie, moaparo wa basadi ba teng, e le mmala wa namune e na le dibenya fale le fale. O ne a feta a nna fa fatshe go buisa buka e a e tlhophileng. Mosadi yo o ne a didimetse ka gonne o ne a buisa, mme se se gakgamatsang ke gore e ne e re fa Fatima a tsholetsa matlho go mo leba, a mo kgabeletse le ene a mo utswile ka leitlho. Fatima o ne a leka go ipotsa gore e ka bo e le eng se se kgatlhileng mosadi yo ka ga gagwe mme a fitlhela a boditse motho yo se nang karabo. E ne e ka nna ura ya boraro mo tshokologong fa a tswa mo laeborari mme mosadi yole a tswa a mo setse morago. "Dumela tlhe nnaka, o tshedile jang" E ne e le la ntlha mo botshelong jwa gagwe Fatima a utlwa MoIndia yo o buang Setswana, se se tlhapileng go le kalo?
"Fatima, sefatlhego sa gago se tlhontse moo ke bonang kutlobotlhoko fela, molato ke eng" "Pelafalo o ntlogetse, o mphuagantse ka kgetse, a re o iponetse mongwe yo o botoka go nkgaisa kwa Gauteng.?
Bonolo o ne a fitlha a tlhalosetsa Pelafalo jaaka a tlhatlotse Pula mo dinakeng tsa kukama, a ba a feta a tshitsinya gore a nne le bona malatsinyana fela fa ba santse ba mmatlisa bonno. Pelafalo ga a ka a re sepe, le gale sefatlhego se ne se supa gore ga a kgotsofala. Mo bosigong joo Bonolo o ne a mo alela fa fatshe e le fa a eteleditse mabole kwa pele. Mo gare ga bosigo, fa ba ithaya ba re Pula o thulametse Pelafalo a simolola go ngunanguna le Bonolo a re: "Ke wena o itseng ka moo ke tlhoboganeng le Fatima ka teng mme ke wena gape yo o tlang o rwelerwele mfana yo o mo tlisa fa. A o solofela gore ke mo amogele e tswe o itse sentle gore kgaitsadie o ntirile eng Akanya sentle monna." "Bona fa monna, mosimanyana yo ga a na seabe sepe mo tlhoboganong ya gago le kgaitsadie, ke goreng fa o rata go mo tsenya mo dilong tsa lona" Pula wa batho yo o neng a robaditse mmutla, a utlwa sengwe le sengwe mme pelonyana ya gagwe e e letsamu ya hibila. Go ne go se ka moo a ka dirang ka teng ka gonne e le mokopi. 'Motsamai o ja noga' a ipolelela gore o tla itshoka go fitlha a iponna manno a gagwe. "Reetsa fa monna Pelafalo, ke tiba ka tlhako, mosimanyana yo o tla nna fa, o rata kgotsa o sa rate. Kana le wena o gorogile fa o sa itse ope mo Gauteng, wa gorogela mo diatleng tsa me. Jaanong ka gore o setse o itse Gouta o ithaya o re o tla tlhamakanya melao fano, le go ka!?
Se se tshegisang ke gore ka bobedi ba ne ba sa bolelane nnete fa ba re ba iponetse bakapelo ba bantšhwa, le ga le go ne go siame ka gonne yo mongwe o ne a ithaya a re yo mongwe o bua boammaaruri. Morago ga go baya mogala fa fatshe, Pelafalo a o tsholetsa gape mme mo nakong e a tobetsa dipalo tse di o romelang ka tlhamalalo kwa go mmaagwe: "Mma ke tlhotlhorile kgofa ele e bile ke e tlhalefetse pele e fetsa go nnwa madi." O ne a bua jalo ka mabela a a ipatelediwang. Mmaagwe a itumela moo a neng a rata go netefatsa gore o tota a tlhalogantse se se kaiwang. O ne a boifa gore ka gongwe a ka dika a binne pele moropa o lela. "Ngwanaka, a ke go tlhaloganya sentle, a se o se kayang ke gore o phuagantse ngwana yole wa moloi" "Ke raya jalo mma." "Amen haleluuuuuuuuja! Ke mosimanyana wa me yoo." MmaPelafalo o ne a tlala boitumelo moo a neng a nanoga ka yona nako eo go ya go nathelana bogobe jo le mongwe yo a mo ikanyang. "Mmamoruti, mosimanyana o sa tswa go nteletsa mogala gone jaanong jaana, ke jaaka o mpona ke tla ke khukhutha le masigo ka ke utlwa gore nka lala ke sa lala fa nka se ka ngathelana le wena bogobe jo." Mmamoruti a leba kwa le kwa pele a bua: "Bua mosadi, ke dife tse di jesang monate tse o di rweleng" "Leano la rona le dirile e le tota, ngwanake a re o mo phuagantse ka kgetse. Jaanong go tla latela kgato ya bobedi. O tlhokomedise mosetsana gore jaanong a ikatametse. O ka re ke a bona tlhe mmawena, motsing oo bana ba rona ba kopanyang malapa a mabedi a. Kana motho a tshwana le nna o tshwanetse go nyalelana le batho ba maemo a gago." Moruti yo ba ntseng ba ithaya ba re o thulametse, a retologa, a kgwa segotlholo fa a lemoga gore jaanong o utlwile go lekane. MmaPelafalo a itshomola jaaka lerumo la tlhobolo, le robadiwang tota a e tlhokela sebaka. Fa MmaPelafalo a sena go tsamaya, moruti a tsena ka mo phaposing ya boitapoloso go tswa ka kwa phaposiborobalo. "Mogatsaka, le tota le swabisa, o ka re ga le basadi ba Batswana. A fa le itse puo ya Motswana e e reng 'pelo e ja serati' a bana ba lona ba setse ba fetogile 'diroboto', ke dikonopo fela tse di tobeletswang kwa go batlang lona teng" "Hei, moruti, wena tlhogo ya gago e tletse Beibele fela." Moruti a mo tsena ganong ka botlhale a re: "Mmaabo, a ke Beibele fa ke re Motswana a re 'pelo e ja serati' Akanya sentle tlhee." E ne e le gone Mmamoruti a elang boeleele jwa gagwe tlhoko, mme jaaka gale a emelela manganga a gagwe: "Ga go kgathalesege, Beibele kgotsa nnyaa! Fa o le motsadi yo o kgatlhegelang ngwana wa gago, gone a tshwanetse wa mmetlela isago e e tsabakelang. Phoso e kae fa Lerato a nyalwa ke Pelafalo A wena, ga o rate go nna le mokgwanyana wa mmueledi-semolao" "Mogatsaka, ke a itse e bile ke a tlhaloganya gore lengwe la malatsi gone Lerato o ntse a tshwanetse go ka nyalwa, mme fa e le dithulaganyo tse di laolwang ka taolo ya maitirelo tsone ke a di boifa." "Rraabo, o dirwa ke go sa tlhaloganye. Pelafalo ke ene monna yo o ratwang ke pelo ya ga Lerato, mosetsanyana yole wa ngwana wa moloi, ke ene a neng a mo eme mo tseleng. A ke ne ke tshwanetse go tlogela fela" "Ke boifa go bona motsing oo kutlwano eno ya lona e thunyang. Ke rapela Modimo wa me gore o ntseele kwa go one pele ke bona matlhabisaditlhong ao. Nna ke le Jeremia Nteso, ke a rata fa batho ba utlwana, mme fa ba utlwana ka bolotsana gone, ruri ke a boifa. Letsatsi lengwe le tla bo le tebelane ka dilepe mo mebileng letsatsi le penne, go sa tlhole go le monate, dilo di sa tlhole di tsamaya jaaka go rata lona. Fa go nna jalo, la re rona bomorwa Nteso re itshube kae?
Mmaagwe Fatima, a sutela motho le nkokoagwe. Boingotlo a tlhola gore o bokgakala bo le bokae pele a buela kwa tlase a re: "Le ene mmaago yo, ba re monna o mo phuagantse ka gonne a mo nyadisitswe ka dipheko, jaaka gale, go ntse go supiwa Boingotlo."
Kana go ne go rileng fa mongwe a tla botsa a re: "A mme moruti wa lona o a nwa" Kana e ne e le dikgang tsa nako mang tse go utlwalang e nnile tsa bofelo tsa gore moruti Nteso a di reetse mo botshelong jwa gagwe Mmamoruti le ene o ne a na le leina le le neng le tshogane le dirisitswe. Kana ke lefe Fa e le gore o dumalana le nna gore Mmamoruti e ne e le motho yo mokima, gone a o ka kgona go nopola bobotlana makgetlo a le mabedi mo ntlha e e netefaditsweng teng?
"Boloi jwa mosadimogolo ke tle ke utlwe ba bo kaya, le gale ga ke ise nke ke utlwe ope yo o netefatsang a re nna moketekete nkile ka mmona a dira sa gore, botlhe ba ke tleng ke utlwe ba mo latofatsa ke ba ba buang dilo tsa bo 'mogwe wa bosebare sa tsala ya malomaagwe mmaagwe kgaitsadie tsala ya malome a re o utlwile e kete ba re ba bone motho yo o tshwanang le Boingotlo a palame sengwe se se batlileng se tshwana le lefeelo!" Ke tsone ditatofatso tse ke tleng ke di utlwe, mme le wena fa e le gore o motho yo o ratang go bua nnete, ga o ise o ke o tsamaye o rakane le yo o reng ene ka esi o netefatsa gore o bone Boingotlo a dira sa gore gore, mme batho ba teng ba e reng fa ba tla go bua ka ga Boingotlo wa moloi, gone ba bue ba sa kgale mathe ganong."
Kana ga se sekeresete go bua jalo e bile ga go a siamela badumedi e ka nna ba tumedi efe kana efe go bua dipuo tsa mothale o. Kana mo Aforika Borwa re na le ditumelo di le dintsi mme re di tlotla ka go tshwana, ke ka moo o nkutlwang ke re go latela tumelo efe kgotsa efe. O buile phoso, segolobogolo jaaka o le Mmamoruti le motho-setšhabeng.
Kolokoti a botsa a rototse matlho a mahibidu: "Monna Lakabane, e le gore o eleditse nama ya kgoko kgotsa o bua ka eng monna" "Ga ke a eletsa nama ya kgoko go le kalo, le gale fa e le teng o ka nna wa ntsholela fa e le fa gaufi, fa e le gore e kgakajana gone o se itsape ka gore ke ne ke itirela sekao fela ke bapisa botshelo jwa bana ba baruti le jwa bana ba batho fela. Batho ba le bantsi ga ba itse botshelo jwa bana ba baruti." "Ee, ke mongwe wa batho bao, re tlhalosetse." ga bua Kibiti. E rile a re o simolola go tlhalosa, selulafounu ya gagwe ya lela, e ka nna motho a le mongwe fela yo o ka reng: "Lakabaaan, Lakabaaan, Lakabane-lak-bi-lakab noga tsa metsi.?
Basadi ba babedi bano ba ratana ka gangwe fela mme ba feta ba nna mo tlhageng e e ka fa ntle mo laeboraring. Mo puong ya bona, Fatima Govendor a utlwala a re: "Fatima nnaka, aitsane e rile ke simolola go go bona, ka bona kutlobotlhoko e e senang selekanyo e kwadilwe mo sefatlhegong sa gago, mme ke yone e e nkatameditseng fa go wena. Ka gale fa ke bona motho yo o mo kutlobotlhokong, ke a ikatametsa gore ke kgone go mo gomotsa. Ke dira jalo ka ke itse kutlobotlhoko sentle, ga ke akanye go na le motho mo lefatsheng yo o kileng a nna le kutlobotlhoko jaaka nna. Ga ke akanye go sa ntse go tla nna le yo o tla tlholang a ka nna le e e fetang e ke kileng ka nna le yona, e bile ga ke eletse go ka nna le motho yo o ka itemogelang se ke kileng ka nna mo go sona." Fatima a kopa MmaGovendor go mo lotlegela ka ga kutlobotlhoko e a fetileng mo go yona. MmaGovendor a leba tshupanako pele a re: "Mogatsake o fetetse kwa Hoopstad ka merero ya tiro, mme o solofeditse go tla go ntsaya ka ura ya bone." O ne a mo lotlegela jaaka a ne a swelwa ke batsadi a sa le mmotlana mme a godisiwa ke ba losika ka go refosanya. Bangwe ba ne ba mmogisa a ba a inaya naga. La bofelo a ipona a fetogile ngwana wa mo mebileng. E rile a le dingwaga di le somethataro, a iponna tiro kwa lelapeng la ga rre le mme Greenhoff, ba Maesimane. O ne a nna kwa kamoreng e e ka kwa morago mo segotlong sa Maesimane jaaka bommarona ba ne ba ba dira mo metlheng ele e go neng go direlwa basweu fela mo digaising tsa bone. O ne a tswelela go tlhalosa jaaka bathapi ba gagwe ba ne ba setse ba mo tsere jaaka ngwana wa bone ka ba ne ba ba tlhoka. O ne a ba a lotlega tsa motsing ba neng ba tsamaile go jela malatsi a khunologo jaaka lelapa kwa setlhakatlhakeng sa 'Mauritius'.
Bomba a, thikhitha tlhogo pele a re: "Pela monna, o mongwe wa batho ba ba ikopisang tlhogo ka bomo. A ga o lemoge fa mmaago tiro ya gagwe a e weditse mo go wena A ga a dira tiro le bone boikarabelo jwa gagwe ka go go godisa ke jaaka o le monna jaana gompieno" "Ke a lemoga tlhee, monna." "Go ya ka nna, o tshwanetse wa tlhamalalela kwa pele, o lebe botshelo mo matlhong, o itseele ditshwetso tsa gago jaaka monna. Kana ga o mo tlalelong ya go nna le mmê ka gonne ene o na le ene, o rata kgotsa o sa rate. Tlalelo e o leng mo go yona ke ya go nna le molekane. Tlhokomela gore pelo e ja serati monna! Kana mosadi yo o tla mo nyalang o tla tshwanelwa ke go nna wa pelo ya gago ke ena a tla ikarabelang mo bonneng jwa gago. Mmaago o ne a ikarabela mo bosimaneng jwa gago.?
"Mmawena, e ne e le la ntlha ke palama sefofane, e le la ntlha ke tswela ka kwa ntle ga naga ya gaetsho e bile e le la ntlha ke utlwa monate wa botshelo." O ne a tswelela go tlhalosa gore rraagwe le mmaagwe ba ne ba nna mo phaposing e nngwe mme ena ba mo hiretse ya gagwe a le nosi kwa thoko mo hoteleng e e neng e bidiwa Lecoco Beach. Fatima o ne a reeditse ka tlhoafalo le kgatlhego fa wa MoIndia a ntse a mo lotlegela ka tsa maitemogelo a gagwe a botshelo. "Mosimanyana yo o neng a atisa go phepafatsa phaposi ya me a bidiwa Ravi. Ravi yo, o ne a na le go nteba ka kgatlhego fela e kete o ša dibaki. Mo phaposing e e neng e bapile le ya me, go ne go na le lekau la seithati lona le bidiwa Fernando. Fernando o ne a tlhaga kwa Potokisi, e le motho yo montle jo ke neng ke simolola go bo bona segolobogolo mo monneng. Monyenyo wa gagwe fa a nteba o ne o tlhaolosa pelo ya me mme lentswe la gagwe lona le roba motho ditokololo fa a bua. Fa o mo leba ka tlhamalalo gona, o ne o iphitlhela o atlhame e kete motho o gakilwe ke sengwe. Mmawena, ke ne ke mo rata ka me yotlhe. Bosigo gona, ke ne ke lala ke khidiega, ke gadikega ke balabala ka ga gagwe mme ke retelelwe ke go robala." Fatima wa mosetsanyana a itseela kgang yotlhe e ka setshwantsho sa semowa, a sekaseka lerato le a utlwang le kaiwa le la gagwe le Pelafalo yo le ene a neng a mo rata fela jalo mme jaanong maloba e le maabane. MmaGovendor a tswelela: "Go re tsere malatsi a le mabedi fela ke fa re setse re le mathe le leleme, re le selo se le sengwe, re ja tlhogo ya tshwene mmogo. "Ka simolola go natefelwa ke botshelo tlhe mmawena. Go boela kwano gae e le selo se se neng se se na manno mo tlhaloganyong ya me."
Ka lentswe le le roromang, Mmamoruti a goa a re: "Moruti wa me, moruti wa me ke kopa maitshwarelo tlhe mogatsaka, intshwarele mo ditshiamololong tsotlhe tse ke di dirileng, ke a go rapela tlhe rra."
"Ijaa-jaa! ke lefatshe le, tsa teng ga di tlhaloganngwe." Moruti a ipuela a le esi fa a sena go fitlha kwa gae. "Ke tota ke sa siama e le ruri, ke gone ke iponang gore ke bosula go le kae. Ke rapela gore motho yo o dirileng se se bolelwang e se nne ngwanake, mme tota ke ne ke batla e nne wa ga mang A ke motsadi yo mongwe yo ena a tshwanetseng go utlwa botlhoko jo nna ke bo boifang. Le gale ga se nna fela, batho ba lefatshe re ntse fela jalo, re bosula. Naare ke itshwenyetsang e bile nna ke a itsamaela, ga nkitla ke nnela dikgobo tse. Batho ga ba kitla ba lebala gore ngwanake o beleseditswe kwa sekolong ka ntlha ya maitseo a a kwa tlase, ngwana e le wa moruti. Yo mongwe ene o bonyabonya ka fa morago ga ditshipitshipi tse di tshabegang tsa kgolegelo ka ntlha ya maitsholo a a swabisang, a a isang motsadi le naga. Mmaabo le ene o tsere e nngwe tsela, le yona e ntse e ntsenya matlho a batho." Fa a sena go bua mafoko a, morwa Nteso a fofela piano e a neng a e tshameka ka sewelo. Sefatlhego se ne se tlhontse, menwana e relela ka bokgeleke le maatlametlo a a sa ipatelediweng. E ne e relela jalo mo marapong a tse di suleng. Ditlhaa le tsone di ne di sa salela kwa morago. O ne a kgwa ka bothakga a ntse a re "O a betsa e bile o a fodisa . . ." Morago ga o a betsa, a latela ka "ke na le Rara kwa legodimong" O ne a sa tlhole a ikutlwa jaaka motho wa lefatshe le le ka kwano fa a ntse a re "Ke tla ya kae, fa e se kwa go Rara." Moruti o ne a setse a ipona a le kwa lefatsheng la tshepiso jaanong. O ne tlhoafaletse kgoro ya legodimo mme e le gone a ipotsang gore tota o ne a ntse a itietse eng mo lefatsheng leno le le tlhokang tshiamo le kutlwano. Dikeledi tsa simolola go itirela boithatelo, tsa elela le sefatlhego sa monna wa Modimo fa a ne a simolola go etsa moswi Jim Reeves fa a ne a re "Before I die.?
Pelafalo o ne a ntse a dumela ka go nota tlhogo fela, go supa fa a dumalana le Bomba. Bomba a tswelela: "Go a gakgamatsa ka moo batsadi ba dirang dilo tsa bona ka teng mo malatsing ano. Ruri ba tota ba sa re dirile sentle." "O raya jang" "Ke raya sentle, a kere malobanyana fa, ga ke bue dilo tsa bogologolo, ka re malobanyana fa re ne re le kwa gaeno re ja moletlo. A o santse o gakologelwa gore e ne e le moletlo wa eng?
Bana ba ne ba setse ba godile. Fatima e ne e le lekgarebe la bogolo jwa dingwaga di le somerobongwe fa Pula e ne e le lekolwane la dingwaga di le somesupa. Ba ne ba nna le nkoko wa bona ka gonne rraabona a ne a ba phuagantse fela, a itlhaoletse go inaya lefatshe. Mmaabona o ne a dira kwa dikitšhining tsa Belekomo mme a ba bona gangwe mo kgweding. Le fa Fatima a ne a le mogolwane ka matsalo, ka dithuto ba ne ba lekana jaaka ba ne ba mekamekane le mophato wa marematlou mmogo. Mo Sontageng se, mosadimogolo Boingotlo o ne a ntse mo sofeng le fa e ne e se manobonobo jaaka ya kwa moseja wa mmila, a ga se kwa ga Nteso O ne a repile, a thakgaletse, a le kwa ga mothakga, go se letsapa le mo fisang pelo, a sa kgopisege ka gope fa Pula a ne a tlhantlhetse a mmotsa gore go tla jang gore a se ke a tshwenyega fa batho ba re o a loa. "Pula ngwanaka, ga ke loe, fa nkabo ke loa, wena le kgaitsadio le ka bo le sa bolo go lemoga gore go na le sengwe se se phoso kgotsa se se sa tlwaelesegang ka gore le dula le nna mo ntlong." Pula o ne a na le tumelo e e tletseng ya gore tsotlhe tse ga se nnete. Se se neng se mo ja ke gore ke ka ntlha ya eng batho ba tlhaotse go mo tladika ka maswe ao le gore ena o dira jang gore kgang e, e se ke ya mo tshwenya. "Pula ngwanaka, go tloga gompieno o ithute go se itshwenye ka batho ba ba buang bosula ka ga gago ka gonne ya bo e le bona ba ba nang le matshwenyego ka ga gago. Wena o itlwaetse fela go se bue bosula ka ope o tle o bone jaaka o tla itshelela ka kagiso. Gone jaanong, ke a itse gore go na le batho ba le bantsi ba ba nkitseng ka go loa, mme ga go le fa a le mongwe wa bona yo a ka tlang ka bosupi le fa e le jo bokananyana jwa gore ke bonwe ke loa mang, kae, leng, jang. Selo sengwe se se ntswelang molemo ka kgang e, ke gore fa batho ba re o a loa ba tshamekela kgakajana nao, ba boifa le go go kgopisa ka ba re o tla ba dirakanya dilo." Kgang e ya simolola go rothela mo bobokong jwa ga Pula, a lemoga gore go na le pharologano e e kana kang fa o le selo se batho ba se kayang le fa batho ba go phara ka sona fela. Mosadimogolo a tswelela, a ntse a keketega ka ditshego: "Se se mpolaisang ditshego le go feta ke gore tota le Mmamoruti fa le, ke mongwe wa batho ba ba nkitseng ka boloi mme fa a tla go araba mogala, o kgona go tsenelela ka kwa phaposing e e kwa teng, a bo a tswa a sa tlhagelwa ke sepe.?
Moruti Nteso e ne e le molwetse yo o lwalang a ntse a tsamaya. O ne a bolawa ke malwetse a semphato seraro e bong pelo, sukiri le kgatelelo e e kwa mankalengkaleng ya madi. Ka jalo o ne a sa tshwanelwa go aga a utlwa dikgang tse di utlwisang botlhoko. Ba ba itseng botlhoko joo go gaisa nna le wena, ba re go tle go diragale gore bo fitlhe mo maemong a gore motho wa teng a gapelesege go itlhaba ka lomao letsatsi le letsatsi. Bana ba gagwe go fitlha mo mokgapheng o ba ne ba santse ba itshotse sentle kgotsa re ka re rraabo a itse jalo, ba ise ba ke ba dire sepe se se ka tsogang se etegeleditse rraabone ditlhabi. O ne a ipela ka bona tota. Lakabane jaaka re itsisitswe, e ne e le mongwe wa borramelemo ba ba tlhageletseng ka magetla kwa Thabantsho. Lerato ene o ne a ithutela borutabana kwa koletšhekatiso ya Soweto. Mmamoruti o ne a na le bokoa jwa go tlotlomatsa bana ba gagwe thata mo godimo ga bana ba batho ba bangwe, a lebala fa go tle go twe 'o se bone kgori go rakalala godimo go ya tlase ke ga yona'. O ne a ba dimofatsa thata moo a neng a sa tlhokomele gore o ba direla kgogedi e e seng monate. Ka gale e ne e tle e re fa moruti a re o leka go mo gakolola, a mo fetole ka mabela a re: Kana fa o le motsadi mme bana ba gago ba go tlotla ka ditiro le maitsholo o tshwanetse wa dira eng, o didimale fela A ke phoso fa motho a ipela ka bana o ba tsetse?
Mafoko a a latelang a ne a buiwa ke mang mo kgang e o sa tswang go e buisa: i. "Dumela ngwana wa moloi" ii. "Ke kopa maitshwarelo fa ke go tlhapaditse ke re o moloi" iii. "Ba gago ba ba nang le maitsholo ba kae mo sebakeng seno" iv. "Ga ke itse gore ke selekwa ke dijo kgotsa ke moapei wa tsona". v. "Mmawena, ke ne ke mo rata" . vi. "Mosimane wa gagwe ke yo o mo tlalelong". vii. Lo se okomele se se mo teng tlhe ke a lo rapela. viii. "E re o tshwatshwaeditswe ngwanaka tlhe, ke a go rapela". ix. "Ke mmatla a le matsatsankotsanko, ke batla ba mo dire mpaola". x. "Le gale fa o sa tlhole o mmatla o se mo latlhele kwa thothobolong, o mo latlhele mo sehubeng sa me"?
"Ee, ke gakologelwa sentle, moletlo o le o jeleng kwa gae e ne e le wa letsatsi la me la matsalo." "Ke a itse, kana o ne o fetsa dingwaga di le kae?
"Ahee! ke gone ke tlhaloganyang papiso e le ya gago ya dikgogo." Ke Kolokoti yoo.
Fatima wa mosetsanyana o ne a reeditse ka tlhoafalo, a galela maina-ka-ena, e kete le ena a ka bo a kile a nna le maitemogelo a bolelwang. Yo o nang nae a tswelela: "Letsatsi pele ga re boela gae, motho wa me a mpha mpho e e neng e phuthetswe ka sephuthelo sa mekgabiso ya malomo a a mebalabala. Sephuthelo seo se ne se ka lekana le letlojana lwa mokgwaro ka bonnye. O ne a nkopa ka boikokobetso gore ke se ke ka bula mpho e pele ke fitlha kwa gae. Ka bolawa ke magalamasuge a go rata go bona se se mo teng mme ka kgona go itshoka, ka raelesega mme ka fenya, ka kgona go nna pelotelele. Re ne ra tsoga re palama phefo go boela gae ka le le latelang. Diura di le nne tse re di fofileng, mo go nna ya bo e kete dingwaga ka ke ne ke fela pelo gore re tla fitlha leng, ke fete ke bule mpho ya me." "Sa ntlha fela fa o goroga kwa phaposing ya gago e nnile go e bula ke a itse, le nna jaanong ke fela pelo go utlwa gore e ne e na le eng ka mo gare." Fatima yo mogolwane a re tswee! Matlho a gagwe a gelela dikeledi. A ubuga gape, a lebega jaaka motho a bona selo se se kgakala. A bonala jaaka motho wa maikutlo a a ileng le naga, a thikhitha tlhogo pele a ka re: "Ee nnaka, ke ne ka e bula" a thikhitha tlhogo gape "ke ne ka e bula mme ka idibala." "Wa idibala E le gore go na le eng ka mo gare" Mo boemong jwa go mo araba ka molomo, a tsenya seatla mo kgetsaneng a ntsha mpho e a ntseng a bua ka yona. E ne e le letlojana la bonnye jwa go lekana le la mokgwaro le betlilwe ka logong ka matsetseleko a ke iseng ke a bone, modiro wa lone o ne o tshwana sentle le wa lekese la baswi mme mo godimo ga sekhurumelo le takilwe sefapaano. "Tshwara o iponele ka a gago matlho, ke eo mpho e ke neng ka e fiwa ke Fernando. Fernando yo ke mo ratileng ka pelo le mowa otlhe wa me.?
"Mma, ke dirile eng" "Ke molelo wa selo mang o ke tshamekang ka ona" "Ngwanaka, motse otlhe wa Monyakeng o na le kitso ya gore o sianakaka le Fatima, gape ona motse o, o itse fa mosadimogolo Boingotlo a di titiela, e le moporofesara wa tsona.?
Bomba a fetola jaaka motho o ka re o ntse a solofetse potso ya mothale oo, "A o raya ka ga boloi jwa gagwe" Pelafalo a okaoka, pele a dumela ka tlhogo. O ne a itse sentle gore ga se ga Bomba go ja modikologa fa potso e tlhamaletsele le gale go ne go diega go tlwaelega gore go na le motho yo o jalo. "Ke raya jalo Bombas"?
Malatsinyana fela morago ga foo, mmamoruti a amogela kitsiso ya gore mosetsana o beleseditswe. Fa a boa kwa mogaleng, a inanatha a batla mabakanyana a go fora moruti ka gore ke ka ntlha ya eng mosetsana a tla gae. Moruti a lemoga ka bonako gore fa gone o a tsiediwa, a mo tlhaba ka matlho a a hibidisitsweng ke kgalefo pele a re: "O beleseditswe a ke re" "Nna ke tla e tlamparela ka fa bogaleng, ga ke na ngwana yo o tla kgarakgadiwang jaaka lekgalagadi! Ka moso ke tsoga ke phakelela gone kwa Gauteng koo, ba tla nkitse sentle!" Moruti a leka go mo iletsa, le gale a tlhokomela ka bonako gore maiteko a gagwe a tlile go itaya sefoletse jaaka tlhobolo ya boijane. Ka gale e ne e tle e re fa mogatse a tshameketse sentle mo metsing e bile a tsentse mmele mo dikataneng tsa marata-go-lejwa, moruti o ne a tle a mo utswe ka letlhabaphefo jaaka a tswa ka tsela ya segotlo pele a re: "Se gate mmampitla wa me.?
Moruti a mo leba ka monyenyo o o tletseng kgalo pele a tlaleletsa a re: "Dilakabane dilakabibi, dinoga tsa kwa nokeng." "Ga ke kgathalele gore o mmitsa jang, fela o sala go nna wa me yoo." Moruti a tswelela "Mmaetsho, wa itse o nkgaotse leleme ke ise ke fetse go le dirisa. Sekao se sa me se maleba tota, yone Lakabane eo ya gago, lakabilakabibi eo ya gago, ga ke itse le go se etsa selo seo sa gago. Ke raya ene morwao yo o mo ikantseng. Ke dumalana nao gore motekwane e ka nna wa motho yo o pegilweng, se se botlhoko ke gore batho bone fa ba di lotlega ga ba kitla ba di baya jalo, ga ba kitla ba re mongwe jaana yo o sa itseweng o tshwerwe ka motekwane. Se ba yang go se eteletsa kwa pele ke leina la me." Ba ile gore Lakabane Nteso wa rramelemo, morwa moruti Nteso, ga go ka moo leina la me le ka efogang go tladikwa ka seretse. A hupa galase ya metsi go se nene pele a tswelela, "Go ntse jalo ka gale fa o buetse ruri ka bana ba gago, o rata batho go bua ka bone. Sebe sa phiri ke gore fa motho a dirile bontle batho ba bua bone bontle boo fela; ga ba kgabise ka bontle jo bo feteletseng; mme fa o dirile bosula gone ba tla kgabisa gore go sale go le mebalabala jaaka tšhese e thuntse ka dikgakologo." Mmamoruti a mo tlhokela puo sebakanyana. Moruti a tswelela: "A ga o itse gore bana ba otlhaiwa ka ntlha ya maleo a batsadi ba bone" O tota o sa buise Beibele mmaabo gonne fa o ne o dira jalo o ka bo o itse kwa ntle ga go bolelelwa. Mmamoruti a thunya ka lentswe le le tletseng tšhakgalo a re: "Wena ke mang yo o kileng a go otlhaya ka ntata ya maleo a ga mmaago" Go ne go setse go kgabagantse dikgwedi di le mmalwa moruti a feleleditse go utlwa mogatse a mmuisa ka mafega jalo, o ne a setse a batla a lebetse le gore kana o nyetse mosadi wa tshôbolo, a gakologelwa ka bonako: "Mosadi, o a bo o simolola, mme o kile a leofela mang" A ke re ke wena o tlhoileng mme o mo tlhoetse go go kgalema, a kgala yona mekgwa e ya gago ya go ithorisa thata le go dimofatsa bana ba gago. Gone jaanong e bile o rutile le bona bana ba gago gore mme ga a siama." "Ke ba rutile leng Ke ba rutile leng O se ke wa nkwela godimo, ga ke!" "Ga se nna Nteso ke tla go gakololang gore o ba rutile leng, potso eo ya gago e ka fetolwa ke wena ka nosi fa o ka ntlhalosetsa gore fa mme a nna kwa Klipspruit mme Lerato a tsena sekolo kwa Soweto, go tla jang gore a se nne le nkokoagwe O bone go le botoka gore ngwana a nne kwa matlong a difolete tsa madi a mantsintsi O mo reile wa re mme o ntse jang" Mmamoruti a tlhoka molomo ntswa a o rwele?
Go tloga ka motsi o morwa Nteso a hularetseng lefatshe le le ka kwano, ya nna semphete ke go fete kwa gagwe. Batho e le ba ba thibang letsatsi kwa lapeng la gagwe. Batho ba nyeuma, go se fa motho a ka gatang teng. Go le batho ba methalethale, ba bangwe e le ba losika, fa ba bangwe e le ba kereke, bangwe e le bathusi fela ba baithaopi fa bontsintsi e ne e le bomaratahelele, diphuduhudu tse di thamotelele tse di ka dikang di batilwe ke melamu e sa di lebana. Maikutlo a phuthego eo ya batho le ona a ne a farologane. Ba bangwe ba dumela fa moruti o sule leso la Modimo, ba bangwe ba re ke bolwetse, fa bontsi bo ne bo dirisa tshupatshupa-baloi ya bona jaaka leina la yone le kaya. Kwa ga mosadimogolo Boingotlo, ga tsoga ketsaetsego. Mosadimogolo o ne a simolola go amogela megala e e boifisang le go mo tlhapatsa seheitene tota, go twe ke ena a itseng se se dirageletseng moruti. Baletsi botlhe e ne e le ba ba mo latofatsang ka gore o na le seabe mo lesong la ga moruti. Ba bangwe ba ne ba boifisa ka gore ba tla maula ntlo ya gagwe ka molelo. E ne e re fa a ntse a le nosi kgotsa a na le bana ba gagwe fela, o ne o ka mo utlwa a ngongorega a re: Naare Nteso o ntekelang Ke tshelwa ke madi a kgofa e le fa ke dirile eng tota Kana go utlwisa botlhoka jang fa motho a itse gore ga a na molato, mme lefatshe lotlhe lona le go lebile ka matlho a mahibidu a tatofatso.?
"Ga ke Pela wa gago nna, feta o ye go bolelela Bomba gore ga a botlhale go nkgaisa, o bo o mmolelele gore o ntse o le esele ya me malatsi a le mabedi le masigo a one." Fatima a tlala dikgapha matlhong pele a re: "A ke one mokgwa o o siameng wa gago" Pelafalo a mo tsena ganong ka mafega: "O itse eng ka mekgwa e e siameng o le ngwana wa moloi Ga ke itse le gore o santse o letile eng fa, 'tsamaya o ye gaeno, o tloge fa, a e ye!" Fatima wa batho a phuthaphutha a boela gae. Fa a le mo thekesing, batho ba ne ba gakgamatswa ke go mmona a tshega a le nosi. Go bonala gore go na le sengwe se se mo kgotsofaditseng le fa Pelafalo ene a ne a sa rate a ka mmona a itumetse. Foo gone ke a ikana, ke ba me jaanong, le nna ke tla dira se ke se ratang ka bona, kana go tle go twe, o se tshege yo o weleng gonne maraledi a sale kwa pele, ra tla utlwa kwa teng..?
Lakabane a tswelela: "Le gale ga se bana ba baruti botlhe kgotsa bommabaruti botlhe ba ba jalo. 'Auleidi' o na le mokgwa o wa go re dimofatsa thata mme seno se re bakela kgatelelo e e sa tlhokegeng."
Mo malatsing a se kae, Labakane o ne a kile a tla kwa go rraagwe mme a mmolelela gore o buisitse Beibele yotlhe, mme rraagwe a ka mmotsa sengwe le sengwe go netefatsa seo. Mo boemong jwa go mmotsa potso e e tswang mo Beibeleng, a mmotsa ka meriri e e ntseng e le malepelepe e ka gore tumalano e ne e le gore le yone e segwe. Lakabane o ne a kile a mo fetola ka botlhale jo bo sa solofelwang a re: Yona Beibele e o rileng ke e buise, ke yone e nthutileng gore meriri e meleele ke selo se se siameng kgotsa ke nopole boMoshe, Samsone le Absalome A o itse gore meriri ya bone e ne e ntse jang?
Fatima wa mosetsanyana a gakwa ke mafoko e tswe a batla go botsa potso: "Ke mpho ya mofuta mang e Gone e kaya eng, a o ka ntlhalosetsa" "E bule o tla iponela karabo." O ne a e bula mme a batla a idibala ka nosi fa a latlhela matlho mo go se se ka mo teng. Go ne go na le pampitshana e tshweu, e e kwadilweng ka makgethe ka setlanyi. Ditlhaka tsa teng di le bohibidu jwa madi mme molaetsa o buisega ka gore: "Tsela e, ga e sa tlhole e tswelela pele Fatima moratiwa wa me ka gonne go tloga jaanong o na le twatsi ya HIV/ AIDS." Fatima wa mosetsanyana a tlhoka molomo a ntse a o rwele, a gaelelwa ke puo e tswe a ne a e itse ka bokgeleke, yo mogolwane a ipipa sefatlhego ka diatla. Go ne go sa tlhokege gore a ka mmotsa gore o ne a ikutlwa jang fa a lebane le molaetsa o o jalo mo matlhong, o ne a kgona go ikakanyetsa fela jaaka nna le wena. "A o ne a bua nnete tota" "Mmawena, wena ga o itse sepe. Ke ne ka fetsa dibeke di le pedi ke itlhoile, ke sa ithate, ke itshisimoga, ke itena, ke ipotsa gore kana ke ne ke tsenwe ke eng gore ke wele mo mathateng a a kanakana. Ka simolola go ikgogona le go tswa mo bathong ka ntlha ya se se njang ka mo teng, ka bopama." "Go ne ga diragala eng morago ga dibeke di le pedi" "Mme le rre ba ne ba kgona go lemoga gore ga ke sa tlhole ke le ngwana yole wa bona yo ba mo itseng, ba bo ba nkisa kwa ngakeng kgatlhano le maikutlo a me." MmaGovendor a ntsha setshegonyana pele a botsa a re: "A o a itse gore ngaka e ba neng ba nkisa kwa go yone e ne e le mang" "A mme ke motho yo nna nka mo itseng" "Ke Faruk Govendor, yo e leng mogatsake gompieno. E ne e le motho yo o siameng thata, a itse puo e e rotloetsang. Ke ne ka kgona go mmolelela sengwe le sengwe, fela ka se ka ka mo supetsa letlojana le. O motho wa ntlha go bona letlojana le. O ne a ntsaya madi mme a a romela kwa baitseanapeng. O ne a neela letlha la go tla go tsaya dipholo tsa boitekanelo jwa me. Se e ne ya nna khupamarama ya rona fela re le babedi." Fatima wa mosetsanyana a sala a maketse, a lebile yo mogolwane fela mo matlhong. Yo mogolwane a tswelela: "Motsing o ke neng ke ya go tsaya dipholo, mangole a ne a gana go rwala mmele wa me. Faruk a nkgatlhantsha ka monyenyo a santse a tsena fela kwa kgorong, a nteba mme a re: 'Negative', a ntlamparela, ka bo ka kgona go utlwa le pelo ya gagwe fa e betsa tota. Ka lela selelo se ke iseng ke ko ke se lele mo botshelong jwa me. A ntlamparela gape mme a nnaya legetla la gagwe go lelela mo go lona. Jasana ya gagwe e tshweu ya tiro yona, ka e dirakanya dilo ka dikeledi. Mmawena, ke ne ke sa dumele se ke se utlwang, tšhono ya bobedi ya botshelo!" "O ne o ikutlwa jang jaanong fa o setse o itse maemo a gago a pholo" "Ke ne ke ikutlwa e kete ke ne ke sule mme ke tsogile mo baswing. Go tloga motsing oo, ngaka Govendor a aga mo go nna, a se tloge mo ditorong tsa me. E ne e kete ke ene yo o nneileng tšhono e ya bobedi, ke mmona jaaka mothatayotlhe mme ke ipotsa gangwe le gape gore ke tla mo leboga ka eng." "Jaanong o ne wa feleletsa o mo diretse eng" "Ka letsatsi lengwe ke ntse ke itsamaela mo toropong, ka mmona. Le ena a mpona mme ya nna ena yo o ntumedisang pele, a mpotsa gore go ntse go tsamaya jang ka botshelo. Ka mo itekodisetsa ka boikanyego jotlhe jo ke neng ke na le jona ka nako eo go supa ditebogo tsa me." "O ne a reng, a ko o mpolele tlhe?
'Rre X' ga a ka a kgotsofalela tshwetso ya ditsala tsa gagwe ya go mo kganela ka a ne a ipona a dira se se matshwanedi jaaka monna. O ne a sa bone tshiamololo epe fa a ka ba ja basadi ba ba dirang dilo tse di maswe jaaka tse, ga ba a tshwanelwa go tlogelwa fela go twe go tshabiwa molao. Le fa go ntse jalo, mongwe wa ditsala tsa gagwe a mo lemosa ka moo molao o dirang ka teng, segolo mo malatsing a segompieno. A mo tlhokomedisa gore, ka dinako dingwe o ka iphitlhela o bonwe molato e tswe o ne o re o dira bontle. A mo lemosa gape gore, ledi lengwe le lengwe le na le difatlhego di le pedi. Kwa bofelong, 'Rre X' a tlelwa ke kgopolo e e botlhale, a ntsha selulafounu ya gagwe ya botegeniki jo bo kwa godimo, e e kgonang go tsaya ditshwantsho tsa mmala o o tlhakileng e le tota. A ba tleketla ka khemera fa ba ntse ba nnetse mabole jalo. Morago a tobetsa dinomoro tsa megala ya babegadikgang botlhe ba a neng a kgona go ba fitlhelela. Jaaka manong a utlwetse setoto, ka ponyo ya leitlho ke fa babega-dikgang ba setse ba re palakata ka ditlamelwana tsa bone tse ba di ikantseng. Ba ne ba emetse seyalemowa, bangwe ba tlhaga kwa makwalodikgang a le mabedi kgotsa mararo. Magatwe a re le ba thelebišene tota ba ne ba sa salela kwa morago. Letsatsi le le latelang, ba tsoga ba tlhageletse mo tsebeng e e ka kwa ntle ya lekwalodikgang la letsatsi le letsatsi, e leina la yone le santseng le nkgakile mo sebakeng seno. Ka ditlhaka tse dintsho tse di nonneng sentle, go ne go kwadilwe go twe "DItLHong tsA gAgo DI KAe MMAMoRUtI". Tota e ne e le a mabedi ka gore le lengwe lona le ne le rile "MMAMoRUtI KgotsA MMAntWA" Ka bobedi makwalodikgang a, a ne a ngoketswe ke setshwantsho se se tlhagisitseng mo mekaloba e e kgokolosanang mo seretseng jaaka dikolobe. Jeremia Nteso le kwa a robetseng, o robetse a tlogetse nnete kwa morago. E ne e le gone mogatse a e bonang mme go setse go le thari ka gore se monna wa Modimo a neng a leka go se mo lemosa, o ne a se lemogile lomapo lo setse lo le mo tsebeng. Kana Nteso o ne a tlhola a buile gore fa o le motho-setšhabeng, bosula jwa gago bo tlhagelela ga masome-a-supa kwa godimo ga jwa batho fela. Lekgotla la kereke la mmiletsa kwa pitsong mme ga go a le tsaya nako ya sepe go fitlhelela ntlhakgolo ya kopano ka gore kgang ya gagwe e ne e na le bopaki jo bo feletseng, jo bo senang bana ba phefo, bo ne bo iponelwa ka matlho. Kana go ne go sa kgonege gore a ka iphemela kgatlhanong le tsheko e e mo lebaneng ka bopaki bo ne bo bonwe go ralala naga yotlhe. Mmamoruti a phuthaphutha a sa gadima kwa morago. Gape o ne a ka se gadime sepe ka gore go ne go se sepe sa gagwe se a neng a se tlogela kwa morago. E ne ya nna gore a tlhokomele gore tse di ipitsang ka ene mo ntlong, ke diaparo tsa gagwe fela. Difenitšhara, dijana le tse dingwe tsotlhe e ne e le tsa kereke mme o ne a tshwanelwa ke go di lesa di ntse fela jalo. O ne a simolola go katela diaparo ka mo dikgetsaneng tse dintsho tsa matlakala, a lela sa masisapelo. Fa a sena go di dira mebotwana jalo, a nyekanyekana le tsona go tswa ka segotlo. O ne a tswa ka segotlo sa ntlo ya kereke la bofelo mme e sa tlhole e le Mmamoruti, go itshaletse leina fela?
Bagasi ba Setswana ba ne ba re reta mo go tlhatswang pelo ba re: 'Bana ba ba tswang masimong a matala, bana ba ba kileng ba titiela Mmamokoto'. Re ne re apara botala mme re sa fenngwe pele phala ya bofelo e lela. Jaanong, ka letsatsi lengwe ga tlhopiwa setlhopha sa 'SA Black Xl" "Black eng" "Ga ke go tshwae phoso mosimanyana wa me, kana o belegwe ka ngwaga ofe" "Ka l987 rra." "Ga ke go tshwae phoso le e seng kana dilo tse ga le di itse, bana ba gompieno. Fano re bua ka 97. Metlheng eo, re ne re tshameka kgwele ya rona kwa, mme ba basweu le bone ba tshamekela ya bone kwa thoko, le gale go a itumedisa ka gore tseo di fetile. Jaanong, go tswa kwa setlhopheng sa rona, go ne go tlhophilwe nna, Frelimo e bong rraago le rraagwe mosimanyana yole, kana ba re ke mang O tshamekela Pirates mo sebakeng se mosimanyana wa teng. Naare leina la gagwe le nkgakelang. Ke tla le le gakalogelwa kgantele. Motsing oo re neng re tshameka le ba ba neng ba tlhaga kwa moseja mme ba bidiwa 'UK All Stars' motshameko wa teng o tshamekelwa ka fa mabaleng a 'Orlando' ka fa." Pula o ne a reeditse ka tlhoafalo le ka kgatlhego e kgolo. Maikutlo a gagwe a ne a setse a mo rutile gore o tlile mo mothong yo o tla mo amogelang ka diatla tsoopedi. Shoes a thadisetsa mosimane ka ga kgwele e rraagwe a neng a e mmopela ka go tlhoka bopelotshetlha mme ena sa gagwe ya nna go e atlantsha le letloa. O ne a tlhalosa fa batsomi ba talente go tswa kwa Amerika, ba ne ba le gone mme ba ne ba kgatlhwa thata ke nno eo. "Ba ne ba e tshwantsha le e ba reng e kile ya nosiwa ke 'Puskase' ka 953 a le kwa setediamong sa Wembley. Nna tota ke ne ke sa kgatlhwa ke tsela e ke nositseng nno eo ka yone, kgangkgolo e ne e le tsela e Frelimo a e bopileng ka teng. Ke e bone fela e setse e le mo dinaong tsa me, rraago o ne a sa ikgopolele mosimanyana wa me. O ne a itse gore kgwele ke motshameko wa setlhopha. "Banna ba MaAmerika ba ne ba dira dithulaganyo tsa gore ke ye go tshameka kwa teng. E rile ke tloga, ka bolelela rraago gore ke utlwa go twe kwa Amerika go tshamekelwa madi a a olelwang ka ditlatlana. Ke ne ka mo solofetsa gore motsing oo ke boang, ke tla mo direla selo se segolo thata, sengwe se a se kitlang a se lebala. Kae koo Motsing ke boang ka fitlhela setlhopha se thubegile mme rraago e le mongwe wa ba ba tseneng ka lenga la seloko, le gompieno ke santse ke re fa nka mmona a tlhagelela ka fa, ke tla se mo direla." Maseko yo ka nako yotlhe a neng a ntse a rokile molomo, a tswa puo: "Se direle mosimanyana wa gagwe ke yo, o mo tlalelong. Ke jaaka ke mo tlisitse kwano go wena. O tlhola o ntlhodiile ka gore o eletsa go direla Frelimo se segolo, dirisa tšhono eo mo mosimaneng wa gagwe ke yo. Pula a tlhadisetsa rre yo ka ga maemo a a sa jeseng di welang a o iphitlhelang a le mo go ona. Kwa ntle le go okaoka, a bolelela Pula gore o tla mo naya bonno jo bo sa duelelweng mo ntlong ya gagwe go fitlha a weditse dithuto tsa gagwe. Boitumelo jwa ngwana wa batho ba penologa, ope a se tlhole a re ka moso, koloi ya tswa ka ponyo ya leitlho go ya go tsaya merwalonyana ya gagwe. O ne a sebela kgaitsadie gore o bone bonno jo bo jesang tse di itumedisang, manobonobo a ena a iseng a ko a a bone. Fatima ga a ka a dira seo se wena mmadi o setseng o se akantse. Ga a ka a ineelela le kgaitsadie, o ne a lala kwa ga Mphahlele fela jaaka maabane. Mo mosong wa le le latelang a tsoga a botsa Pelafalo: "Pela wa me, a o santse o nthata?
Fa a sena go inanatha jalo, a baya mogala fa fatshe mme Lakabane a leba ditsala tsa gagwe ka tenego e e seng kana ka sepe, pele a re: "Ke mosadimogolo, o mpolelela ka moo ke sa tshwanelang go apara dijini le diteki ka teng ka gonne ga di a siamela motho wa maemo a me. Akanya fela, ke yona tsela e motho o godisitsweng ka yona ya go tlhola a ikgamile ka dithai, nna jaanong di ntapisitse. Ke tshwanelo gore motho a tshwanelane le batho ba a tsamayang le bona."
Jaanong fa go ka diragala gore a swele fano gone" "Sššš, se buele kwa godimo o kae motho wa rona ga a ise a thulamele." 'Sigo joo a lala a sa bo bona boroko. A khidiega, a balabala ka pelo a ntse a re: "Naare ke ne ke tsenwe ke eng, naare ke ne ke tsenwe ke eng tota" Letshanyana la boroko la mo fitlhela mme a tlelwa ke toro. Mo torong a ipona a apaere dikata tse di mantabolatabola tse di tlhabisang ditlhong. Di le leswe moo di neng di phatsima, di mmolaisa dinta tse a neng a leka go di runa mme a sa kgone. E rile a santse a leka go ithuna dinta jalo, a bona bana ba bogolo jwa palogare ya dingwaga di ka nna lesome mme le ka palo ba ka nna lesome. Bana bano ba ne ba opela e bile ba bina ka botswerere jo bo tseisang manya. Le fa ba ne ba opela ka maatlametlo jalo, mafoko a kopelo ya bone a ne a sa wele A lo a mmona. Yelele!!! A lo a mmona. Yelele...?
Mo Sontageng o le wa gore Pelafalo a buledise Fatima, o ne a batla a bua sengwe se se sa jeseng monate fela a kgona go itshwara. Kana ke eng se a neng a batla a se bua Kana e nnile mang motho wa ntlha wa go leba Fatima mo matlhong le go mmolelela fa e le ngwana wa moloi A o santse o gakologelwa gore Fatima o ne a rakana kae le motho yoo Go sengwe se Fatima a neng a se tlhoboga gore a somarele seriti sa gagwe. A o ka se bolela Fatima e ne e ntse e se motho yo o ratang go tlalatlala fela go nnile le sengwe se se neng sa dira gore a ikgogone, a iphitlhele batho. Re thadisetse ka ga sona. Go dilo di le mmalwa tse di neng tsa ngokela Fatima Govendor kwa go Fatima wa ga Boingotlo. Neela di le pedinyana fela. Leina la ga mogatsa Fatima Govendor e ne e le mang. Rre yo o ne a dira tiro ya mofuta mang Fatima Govendor e ne e le MoIndia fela se se gakgamatsang ka ene ke gore o ne a itse le go bua Setswana sentle. O se ithutile kae, bolela. Ka popego o ka tlhalosa Fatima Govendor e le motho yo o jang 0. Ka botho gone o ka re o ne a ntse jang . A o ka tlhalosa ka boripana mokgwa o Fatima Govendor a godileng ka one 2. A o santse o gakologelwa lelapa le Fatima Govendor a neng a le direla 3. Fatima Govendor o rile o simolotse go direla lelapa leo a le bogolo jwa dingwaga di le kae?
"Ee, dumela mma."
Fatima Govendor a nyenya pele a re "Mogatsake e bong Faruk Govendor, o dirile sebaka se se leele kwa bookelong jwa Moroka kwa Thabantsho, ke gone kwa re ithutileng Setswana teng." "Ga jaana le nna kae" "Re nna kwa Durban, re ne ra tlogela Thabantsho morago ga go belega mawelana a a sa tlwaelegang." "Mawelana a a sa tlwaelegang ke a a ntseng jang" "Ke kgang e telele tota, ga o kitla o e tlhaloganya ka bonako. Ke tla go e lotlegela ka nako e nngwe, kgotsa o ka e ipuisetsa ka gonne go mongwe yo o neng a kwala buka ka ga ona. Ke yona buka e ke neng ke e tshotse e le.?
Ga garela mosadimogolo. Mma, ke dumalana nao ka botlalo. Ke mmaagwe Fatima yoo. Boingotlo ene jaaka gale, o ne a ntse a sa ikopise tlhogo ka ditlontlokwane tse.
Pelafalo a leba mmaagwe ka kakabalo, a sa tlhaloganye gore go diragetse eng se se tlhokang gore a e tlamparele ka foo. "Mma, a go diragetse sengwe se se phoso Tota go diragetse eng" "Ngwanaka, ga nkitla ke go lesa o wela ka bodiba ke bo lebile, ga se nna ke tla didimalang fela le fa ngwanake a tshameka ka molelo.?
Ka a ne a sa kgone go ba tshwara fa a ba tebala a ba konopa ka matlapa a seheitane a re: "Bana ba ga Satane, ga lo na maitseo. E rile a sena go rialo, segakolodi sa gagwe sa re a lebe kwa morago mme a bona moruti a mo utlwa a mmotsa potso a re: "Ba gago ba ba nang le maitseo ba kae Ba kae mo sebakeng seno ba gago ba ba nang le maitseo?
"Go dira jalo ke go ikwetsa fela ka lengope, kana setso fa e se sa gago, o tla aga o dirakaka diphoso."
Pelafalo a ntsha setshegwana, o ne a utlwa fela gore seo ke motlae le fa a ne a sa tlhaloganye gore ke motlae wa mofuta mang ka gore a ne a tletse boitumelo. Bosigong joo a lala a bo bone boroko.
"A o ne o bua rraabo" "Ee, ke ne ke bua mme e seng go bua fela, tota ke ne ke rata, go go kgala tebang le puo e ke go utlwileng o e bua malobanyana fa mme e se la ntlha ke go utlwa o e bua?
Tsholofetso ga e tlhabise ditlhong. E rile Maseko a latlha jokwe, a tsaya Pula go ya nae kwa 'Protea North'. Ntlo e ba neng ba fitlha mo go yone, e ne e le ya maemo a a kwa godimo moo Pula wa batho a neng a ba a ikutlwa e le mmotlana go gata lefelo le le ntseng jalo. Rre wa foo e ne e le monna wa Motswana, Pula o ne a sa dumele. E rile ba leba mo tseleng e e tsenang mo jarateng, mong wa ntlo a bo a setse a lemogile koloi ya ga Maseko mme a ikatametsa "Bricks!" ga goa mong wa ntlo: "Ao 'Dancing Shoes' bona gore ke tsamaya le mang." "Mong wa ntlo a atamela sejanaga, a leba Pula o ka re o rata go mo gakologelwa: "Frelimo! Nnyaa, Frelimo a ka se nne kana, o mang wena o tshwanang le Frelimo jaana" "Ke ngwana wa gagwe." E le lantlha mo dingwageng tse di utlwalang, Pula a ikutlwa a ipela ka rraagwe. Ka boitumelo jo bo senang bothibo, 'Dancing Shoes' a tlamparela Pula pele a re: "Jirrrr jong, ga ke itse gore nka reng' tlang re nneng kwa tlase ga setlhare kwa gore ke utlwe gore la re go diragala eng totatota. O a itse e kete ke a lora: "Thandi, re tlisetse senotsididi foo!" Banna ba bararo ba nna ka fa tlase ga setlhare. Go ne go tlotla Dancing shoes fela. A itumetse la go itumela.O ne a ba lotlegela ka moo a tshelang botshelo jwa manobonobo ka gone, mme a e ritela ka go tlhalosa gore ke ka ntata ya rraagwe Pula gore a bo a le mo maemong ao. Pula a botsa: "E le gore Rre o go thusitse jang gore o tshele botshelo jo bo manobonobo jaana" "Reetsa fa wena Frelimonyana, re ne re tshamekela Pimville United Brothers. Baemanokeng ba rona ba ne ba re rorisa ba re re bo The Skom Boys'?
Mmamoruti o ne a le botlhale thata moo a neng a tlhaloganya sentle gore fa o batla go ja motho o bo o mo sadisa ka monwana o mogolo fela, gone ga o a tshwanela ke go mo supetsa meno a ntšwa. O tshwanetse go itira meno-masweu polaya e tshega tota. Ka jalo o ne a itira yo o kgatlhegelang sengwe le sengwe se se amanang le mosadimogolo Boingotlo. Ka fa letlhakoreng le lengwe Pula ena a ngata mophato wa marematlou ka dinaledi mme a ikaelela go ya kwa Gauteng go ya go tsweletsa dithuto tsa gagwe. Se a neng a sa se rulaganya ke bonno. Ke gone foo boPortia Nteso ba neng ba bona phatlha ya go tsweletsa mokgaphe wa bona. Ba dirisa tšhono e go kgwa botlhole jo bo ntseng bo agile mo teng ga bona. Mmamoruti o ne a tlhaga a le mo setshwantshong sa motho a eleletsa Pula bontle. O ne a bo a ithaopa a re: "Mme Boingotlo, aitsane kgaitsadiake o nna le mogatse ba le babedi fela kwa Pimville, ga ba na bana, ke tla go tswela maoto, ke kopele Pula bonno kwa go bona." "Kana kgaitsadio, o raya" "Nkgonne, yole wa logatadima, yo moleele yo o neng a le gone fano ka sejanaga sa mabaibai ka motsi wa phitlho." "Nnyaa, ke a mmona motho wa gaetsho." "Mme Boingotlo, lesa sengwe le sengwe mo tlhogong e ya me, ke tla baakanyetsa Pula sengwe le sengwe."
O ne a ise a nne mo mokgapheng wa go neela badimo marapo go kokona fa a tla utlwa mongwe a kokota mojako: "Mmangwana o tshwara thipa ka fa bogaleng, Pelafalo wa me."
Morago ga malatsinyana a se kae, ga diragala gore ditsala tsa ga Lakabane di mo etele kwa a nnang gone. Ya re ba santse ba itisitse, ga tla gore Lakabane a ye kwa ntlwaneng mme a tlogele mogala wa gagwe mo sofeng. Kibiti yo o neng a rata metlae e bile a itse le go etsisa mantswe a batho, a tsholetsa mogala ka maikaelelo a go dira metlae fela, a itira e kete ke ena Lakabane. Mmamoruti a bua masaikategang a sa lemoge gore o ntse a sa bue le mong wa mogala. E rile a tswa kwa ntlwaneng, a fitlhela ditsala tsa gagwe di fetogile, di le bodutu, di le mo leba ka mabifi, segolobogolo Kibiti yo o neng a ngamotse dinko e kete tsa pitse ya mabelo ka ntata ya kgalefo. A leka go botsa gore go diragetse eng mme a tingwa puo, a tewa fela ga twe ga go sepe. E rile a ntse a re o a ba sala morago ka se se diragetseng, Kibiti a raya Kolokoti a re: "Monna, a re tsamaye." Mo tseleng a tlhalosetsa Kolokoti ka botlalo: "Mosadimogolo yole wa go swa a re o utlwa ka podi ya tsela gore mothaka yo wa gagwe o tsamaya le di-eng-eng-dikolobe-di-eng-eng. O re biditse ka mainaina a a tlhapatsang mme o tla duelela matlhapa ao ka mamina le dikeledi. Ke tla mo ruta batho nna ka gonne ene o paletswe ke go ithuta botho. Go mpontsha fa a ikaya e le motho a le nosi le balelapa la gagwe, ga a ise a bone motlholo." Kolokoti le ena o ne a utlwile botlhoko thata fa a utlwa mainaina, a ba biditsweng ka ona. Monna re tla tshwanelwa go loga leano la go utlwisa mosadimogolo yole botlhoko jo re sa mo ntsheng madi. E le gore o bona re ka mo dira eng monna" "Nna ke akanya gore re mo utlwise botlhoko ka ene ngwana yo wa gagwe yo a ikgantshang ka ene fela ga ke itse gore re ka dira seo jang" "Ke na le leano. A re batle mongwe wa basetsana ba le, ke raya Dora kgotsa Ouma, mongwe wa bone a mo khurumetse ka leru." "Eheeee, o ka re o a bua tsala. O tla welwa ke torio mme mmaagwe o tla lela botlhokotlhoko.?
"Mmaetsho, kana ga ke nyatse fa o ipela ka bana e le ba gago, le nna ke ntse jaana ke ntse ke ipela ka bona, se ke sa se itumeleleng ke go ema mo marakanelong a ditsela ga gago, o letse serankure se se modumo o mogolo o raya batho o re: "tsialala, ngwanake o dirile sa goregore se se itumedisang" kana fa o dira jalo, o tla patelesega gore le motsing o ba dirileng se se tlhabisang ditlhong, o itsise setšhaba fela jalo. Fa o sa bolelele batho ka ga tse di maswe tse bana ba gago ba di dirileng, ntswa o ba tlwaeditse, gone ba tla ipolelela mme se ba tla se ipolelelang, se ka nna se se feteleditsweng, o tlhokomele mmaabo." Mmamoruti jaaka gale, o ne a lebile mogatse fela ka matlho a a sa bontsheng maikutlo, le fa nna le wena re itse sentle gore o ne a sa dumalane le tse moruti a ntseng a di bua. Moruti le ena o ne a itse gore jaaka gale, mogatse o a bo a sa dumalane nae, jaaka a ne a bona go le botoka go namela pele. "Gone jaanong, Lakabane ke morwaarona yo re mo ikanyang bobe, mme seo ga se reye gore a ka se pege motho mo sejanageng sa gagwe mme ya re ba fitlha mo maparegong a ditsela, maphodisa a ba phuruphutse mme go fitlhelwe motekwane kgotsa sengwe sa mothale oo mo sejanageng sa gagwe.
Motsing oo, a neng a tsoga a ya Gauteng, moruti a itsapa le go mo okomela ka ba ne ba sena go refosanya a a kabang ditsebe. Tota moruti o ne a sa rate a ya koo, le gale pelo ya mmamoruti e ne e setse e fetogile lentswetshipi. Pelo ya moruti e ne ya thelela pele a boifisa a re: "Fa e le gore o tla ya kwa Gauteng eo ya gago kgatlhanong le maikutlo a me, gone o itse gore o ipiletsa bomadimabe. O tla welwa ke maru ka tatelano mme ka moso wa bo o re o loilwe." "Moperesita, a ga o rere go ikgotsofatsa kwa kerekeng Thiboga nna ke tsamaye." O ne a bua jalo a kgarametsa moruti ka mafega a a sa tlwaelegang. Lentswe la moruti la roroma go se nene pele a boifisa: "Nna o tla fitlhela ke fudugile, o tla fitlhela ke sa tlhole ke dula fa.?
"A o tla lesa go ja modikologa mme o tle mo ntlheng Kana nna ke buile dilo di le dintsi maloba le maabane, ke tla itse jang se o se tshwaileng ka pene e khibidu" Moruti a tlatsa mosi ka mafatlha, a o betsa ka dinko pele a re: "Ke bua ka ga boloi jo ke go utlwileng ka tsa me tse pedi o latofatsa mosadimogolo Boingotlo ka bona, kana ga go a siama, ga go a siamela badumedi go tsamaya ba ngongorega ka dilo tse di sa reng sepe jaaka boloi. Mosadimogolo yoo wa Modimo ke mmona ka leitlho le lengwe, ke mmona e le motho fela yo o itshiametseng, yo o sa kgweng le nxa le motho. Ke mo tlhaloganya botoka ka gore re amogela mogala kwa ga gagwe. A o akanya gore fa e kabo e le motho yo o bosula go le kalo, o ne a ka re letla go amogela megala kwa ga gagwe, le gone ka kwa phaposing e e kwa teng, ya borobalo Nna ruri go tla ntsaya dingwaga di le makgolokgolo go bona boloi jo lo bo bonang mo mosadimogolong yo wa batho. Mmamoruti a tlhoka puo, ga mo tsaya metsotso e le mmalwa a ntse a leka go kgobokanya mafoko a go fetola mogatse. Morago ga sebaka se se sa fediseng pelo, a re: "Mogatsaka, o ka re ga o a ntlhaloganya. Kana ke ne ke sa re mosadimogolo o a loa. Ke ne ke re batho ba re o a loa." "Mme fa e le gore ke batho ba reng jalo, wena wa reng" "Nna ka re, re le batho re nne re ntshitse matlho mo dinameng.?
"Se a nang naso, ke se ba bantsi ba se tlhokang. O na le botho. O na le maitsholo le molao mo ntlong ya gagwe, gape ga se motho yo o tlalatlalang le mebila a eta a akga leleme. Kana fa motho a feta mme le sa itse gore le ka kgwathana menwana ka ene le mmuamua, le mo tladika ka sengwe le sengwe fela se se gaufi, le tla re o a ikgantsha, o a ikgopolela kgotsa o a loa. Tseo tsotlhe di tsalwa ke tlhaka ya tshele fa e le babela. Ga ke tlhaloganye gore batho ba lefatshe tota le ntse jang. Motho yo o senang sekgopi le batho ga le mo kgatlhegele, le tsamaya le mo tladika, ke raya go mo tlamuka ka maswe otlhe." "Rraabo, kana ke ne ke sa rate re ka ngangisana ka kgang e. A maikutlo a gago e nne a gago, a me e nne a me." "Go siame, fela o tlhokomele gore a gago a se go wetse kwa moleteng o o fisang, o mang le mang a sa batleng go ipona kwa go ona." mathe le leleme, o ka re monwana le lonala, e ne e le baji ba tshwene mme ba ratana la o ka swa nka go ja.
A se bona se a neng a sa tshwanelwa ke go se bona. O ne a fitlhela letlojana le le betlilweng ka kota go etsa e kete ke lekese lwa baswi, mo sekhurumelong le takilwe sefapaano. O ne a le bula mme a fitlhela molaetsa o o neng wa sadisa mangole a gagwe a le borepurepu fa sethitho sona se elela ka mokwatla wa gagwe. Mmele otlhe wa gagwe wa tetesela. "Tsela e fitlha fa moratiwa Fatima, go tloga gompieno o na le twatsi ya HIV/AIDS." E ne e le molaetsa o o mo letlojaneng. Pelafalo a mo leba ka kelotlhoko pele a mmotsa: "Molato ke eng mosadi O reng o pumpunyega sethitho o ka re o bone sepoko jaana" Lerato ga a ka a kgona go mo fetola ka puo. Se a neng a se kgona ya nna go mo phaphaila ka logofi la dira-ga-di-bonwe, a mo tanya ka mabole, a tlhoka boitaolo, a mo ratha ka tlhogo gore kgodu e khibidu e elele mo diaparong tsa gagwe. A mo kakata lerama ka meno gore Pelafalo a bo a tlhabe mokgosi?
Le ene fa a itharabologelwa, a tobetsa dinomoro tse di romelang mogala mo ntlong e e mabapi mme a ba kopa ka tsweetswee gore ba mmiletse mmaagwe ka gore e le kgang ya leso le botshelo. Fa mmaagwe a tsholetsa mogala, Lerato a botsa ka tlhamalalo fela a re: "Mma, ke goreng tota fa o ne o ntira jaana" "Ke dirile eng nnana wa me?
Bonolo o ne a bua ka matlho a a tsabakelang kgalefo e e kgatlhanong le semelo sa gagwe. Kae koo, Pelafalo a mo timola bogale ka bonolo le gone: "Go siame, go tla tsamaya nna', mme o tlhokomele gore ke itsamaela le ka fenitšhara ya me. Ke go tlogela le tshegaingate yo o se nang sepe yo mo ntlong e e lolea e."
Kakabalo e e bonagetseng mo sefatlhegong sa ga Pelafalo e ne e santse e saletse fa a botsa: "Mma, e le fa nkoko Boingotlo o titiela eng, ke eng se o reng ke moporofesara wa sona" "A ruri ga o itse sepe kgotsa o itlhaoletse go itshela moriti o o tsididi ngwanaka" "Go itshela moriti o o tsididi, ga se Pelafalo yoo, ga ke itse gore o buang ka ga eng, ke batla go itse gore nkoko Boingotlo o titiela eng se e bileng e leng moporofesara wa sona." "Ke moporofesara wa folaing-sekwata ngwanaka, ke mongwe wa ba ba namelang mafeelo thete e ralala ba eta ba tsamaya dikhonforense tse di tsitsibanyang mmele." "Mma, fa e le gore o bua ka gore nkoko Boingotlo o a loa, gone o gatisetsa fela mo go se ke setseng ke se utlwile makgetlo a sena palo, mme ga ke se dumele le e seng. Ke itheile ka re gongwe o tlile go bua sengwenyana se se ntšhwa, sengwe se ke simololang go se utlwa. Kana le fa go ka tlhagelela bosupi jo bo feletseng jwa gore mosadimogolo o tota a loa, ga ke bone ka moo go ka nkamang ka teng. Nna ga ke ratane le ene ke ratana le Fatima." MmaPelafalo ga a ka a rata thefosano eo ya mafoko, le gale ka ntata ya go tlhoka bosupi jo bo feletseng, jo bo mo mpaananeng tebang le go loa ga mosadimogolo, a itlhaolela go e ritela ka a a reng: "Go sa le monate ga jaana go sa nkutlwelele, go itirela boithatelo o ka re ga o ngwana ke mo tsetse. Fa o setse o le mo tlalelong e e se nang bothibo gona, o se ka wa bo wa tla go nkatlhamela." Morago ga fao, a tswa, a thubaganya setswalo ka mafega moo dipota tsotlhe tsa ntlo di neng tsa ikoma go phatlhoga. Pelafalo o ne a itheile a re go tshwara boroko e tla nna tiro e e bonolo jaaka gale. Kae koo A lala a rototse matlho, a itsalantse le merubisi, a menoga a khidiega o ka re seboko se memerwe ke ditshoswane. La bofelo a tsaya tshwetso ya gore a nne ka marago mo bolaong mme a simolole go ja marapo a tlhogo. O ne a itse kwa ntle ga go ranolelwa gore jaanong o fitlhile mo ditsela di aroganang teng mme o tshwanelwa ke go itlhaolela e le yosi fela. O ne a patelesega go tlhopha mmaagwe yo o mo tsetseng, yo o mo godisitseng ka pepetletso le lerato lotlhe kgotsa mosetsana yo o ratwang ke pelo ya gagwe, mosadi wa isago ya gagwe. O ne a akanya ka ga tsela e mmaagwe a e mo tsamaisitseng go tloga boseeng go fitlha gompieno a setse a ipona e le monnanyana yo ka moso a tla tsogang a ya kwa yunibesithi. O ne a akanya ka mo gongwe a ka bong a sa fitlhelela tse a di fitlheletseng fa e ka bo e se ka matsapa a ga mmaagwe. Ka mo letlhakoreng le lengwe a akanya ka ga isago ya gagwe e a ikaelelang go e baya mo diatleng tsa ga Fatima. O ne a setse a ithutile Fatima sentle e bile a itse gore ka moso o tla mo tswela mosadi-tia. O ne a tlelwa ke kakanyo ya go ba rata ba le babedi jaaka o ka re ga go diragale sepe, le gale a tlhokomela ka bonako gore go dira jalo ke go ijesa dijo tsa ditoro fa e le gore bobedi joo jona ga bo utlwane. Ga go a ka ga gakgamatsa fa letlhabaphefo la kwa gaabo Bomba tsala ya gagwe ya go tshega le go tlhonama, le kokotwa thete e ralala. "Ke mang jaanong mo gare ga masigo jaana" "Bomba, ke nna. Ke Pelafalo e bile ke nna fela nka go tsosang mo gare ga mpa ya bosigo jaana.?
"Lengwe la malatsi a o tla tshwanelwa ke go tshwenyega." Ke Fatima yoo.
Fa a fitlha mo tseleng, a tsielega, a ipotsa gore a ka itlhophela ntlha efe ya tshupantlha. E ne ya nna gone a simololang go lemoga gore ga a na ba lesika mo Foreisitata. Ba ne ba seyo gotlhelele ba ba amanang le ene ka madi le ka kgomo. O ne a tlalatlala le mebila a apaapa, a sa itse gore a ka tsena kwa ga mang yo o sa bonang lokwalodikgang. Batho ba ne ba mo sisimoga. Ba ne ba mmitsakaka ka maina fa a re o atamela matlo a bona. O ne o ka bona fa a re o atamela ntlo e e rileng, go tswalelwe setswalo ka bonako go twe, "Tswalang ka bonako Mmadifeisi ke yoo". Bangwe ba ne ba mmitsa Mantwa ya Sumo fa bogolo bo ne bo mmitsa Mantwa wa go ka lwa le dipôô'. E ne ya nna gone a lemogang gore fa motho o le mo tlalelong, ga go motho yo o go kgatlhegelang le yo o go kgathalelang. O ne a ipotsa gore go feletse kae ka bomme ba le ba merapelo ba e neng e tle e re fa a bua mo phuthegong, o utlwe ba mo thelela lošalaba ba ntse ba re "Seo ke ntlha tota" le fa a ntse a bua dilo tse di sa siamang. Pelo ya gagwe ya hibila fa a lemoga gore bangwe ba bona ke bona ba gompieno ba mo sisimogang le go mmitsakaka maina. Letsatsi le ne la be la wela ka kgala ya bophirima a nnetse go ebelakaka jalo le mebila. Kwa bofelong a gakologelwa gore kana ba kwa ga Boingotlo ga ba itse gore o ba tlhoile. O ne a itse gore ga go yo o kileng a ba tsibosa ka ga dithulaganyo tsa go lobela Pula dintsi. Ka jalo, a fetsa le maikutlo a gagwe gore a fapogele kwa teng go latsa tlhogo. Mosadimogolo a mo amogela ka diatla tsoopedi tse a nang natso. O ne a alelwa mo kamoreng ya ga Fatima, e ne ngwana yo o a neng a mmona e le wa moloi mme e ka se nne ngwetsi ya gagwe. Fatima a ithaopa go robala mo mosemeng gore a sutele mogolo. A nna lesego tota ka gonne o ne a bo a lala a bone le diyamaleng tota.
Lakabane o ne a itheile a re o tla itsamaela bonolo fela. O ne a ka itsamaela bonolo fa e ka bo e le mo mothong yo mongwe, mme e seng mo go Nteso. O ne a kile a tsholetsa mafatlha, a tletse kgalefo pele a mo araba a re: Ke a itse gore meriri ya bone e ne e ntse jang, ke itse le gore ga ba ise ba ke ba adingwe dijanaga ke borraabo, jaanong wena o ntswela kae ka meriri e e ditlhotho mme o batla go kgweetsa sejanaga sa me?
Pula a palelwa ke go itshwara jaanong, a tswa mo dikobong mme a tla a phophotha diatla mo go Pelafalo: "Nkgonne, ke kopa gore o se ke wa nkoba tlhe, ke a rapela. Ke tla dira sengwe le sengwe se o se ntaelang. Ke tla nna esele ya gago. Ke tla dira sengwe le sengwe kwa ntle ga go ngongorega ka gope. Pelafalo a mo leba jaaka e kete o lebile kabetla ya nama e e bokanetsweng ke dintsi pele a mo garumela a re: "Go siame robala, re tla bua ka moso." Ka moso, ke raya ka Labobedi, Pelafalo a tsoga a naya Pula taolo e a neng a sa e solofela le e seng.
"Fa e le gore kitso ya me ya dipalo ga e ntatlhe, gone ke setse ke go boditse potso e le yosi makgetlo a le mararo mme ke solofetse karabo e le yosi fela, motlholo ke gore ke tlhaela yona karabo eo fela."
<fn>Random.DPS9780636073050T.txt</fn>
A mme mong o se tlotlile Tshegetsa ka lebaka?
kgatuRe: O nepile. O a itse! Ke ile go go direla tsotlhe. O ntlotlomaditse ntle le go dikadika. Ngwana yo o tla nna le lesego la go fitlhela diatla tsa rona di tletse.
thando: Go ntse jalo. O bonolo ka tlhago.
ngakane: Ee, go ntse fela jalo. Ga se go re ga ke ikutlwe.
Thobalano ya ga Thando le Kgature kwa Tlhabane Sun e ne e le e e sireletsegileng.
thando: Re ne ra se utlwanele leina la ngwana. O ne a batla fa ngwana a newa leina ke batsadi ba gagwe.
ngakane: Wena rre le mme, ke lo itsise fa ke na le maikaelelo magolo ka dithoto tsa ga nkgonne. Ke rata go di tlhokomela tsotlhe fela.
Ka ntlha ya fa teramakhutshwe e le khutshwane mme ditiragalo di kitlane e bile di siana ka lobelo, dikgato tse di kailweng tsa poloto ya terama ga di senoge sentle bonolo.
ngakane: Tsholofelo o makala sentle. Fa nkgonne a ne a sa ntse a le botshelong, o ne a ka se gakgamale.
ngakane: Ao! Ausi Thando, ka re dumela.
ngakane: Ga ke rate fa go ka tlhaga motho fela, mme a tla go ja dithoto tsa ga nkgonne ke ntse ke di lebile.
senkepeng: Thando, nkadime ditsebe. (A tsokotsa kgokgotso). Ke ne ke tlhola motho wa maloba ke bua ka ene. O teng e bile o solofetsa go goroga mo nakong e e sa fediseng pelo.
thando: Go ntse jalo, mme tota e ne ya nna tsietsego ya gangwe fela. Ke ka moo ke tiisang gore ke ngwana mo go nna.
kgatuRe: Bagolo ba me, nna tota ke lebogetse kemonokeng ya lona mo go se keleng sona gona jaanong. Fa lo kabo lo sa ntshegetsa, Thando a kabo a se teng fano. Ke a leboga.
senkepeng: Thando, mo go lona ke dinyana. Tota ke mantlwane. E ka re motho a ka kumola mogobagoba ole wa ntlo, a tla go e tlhoma mo Geelhout Park. Tota e ne e tla gapa tebo ya batho ka bontsi. O e bona jang tsala Bantlhoile?
tsholofelo: (Motseleng go ya marobalong). Ngakane, kgaitsadi. Fa e le ka go ya seyantlo o lebale.
thando: Tshotlhe o raya eng?
kgatuRe: Wa reng?
Ngakane : Gofejane mo lelapeng. O matepe ka tsalo.
Lemorago Ditiragalo tsa terama di diragalela mo lemoragong le le agilweng ke moterama. O le aga gore le tsamaelane le ditiragalo. Lemorago la ditiragalo le arolwa ka dikarolo tse di latelang: Tikologo (motse, dithaba, dinoka jj.) Motlha/nako (Mariga, bosigo, ura ya bobedi jj.) Ditiragalo tse dingwe.
senkepeng: (O a imakatsa) Heelang!
kgatuRe: Heela, Thando! Tsoga tlhe. Ke toro ya mofuta mang e e go tlhasetseng jaana E bue gongwe ke ka go thusa ka tlhaloso?
thando: Fela jalo tsala.
thando: Ditsala tsa me, ke a lo utlwa. Mantlentle a ratwa ke mang le mang yo o leng mo botshelong. Ga lo dire phoso go ntlhaba botlhale. Bothata mo go rona, e tlile go nna kago e tonatona e re setseng re na le yona. Leruo le lona gape ke leo le foo.
Mmui wa mafoko a ke mang?
Neela dintlha tsa semelo sa ga Rasebintsolo o di tshegeditse ka ditiragalo.
thando: Dumela, mma!
senkepeng: Rre Rasebintsolo, ke lebogela matsapa a lona. Kgale re lo emetse e le ruri.
tsholofelo: Heela Lesope nnaka! Re go leboga go menagane. O tshwanelwa ke tebogo e e mafura. O dirile.
thando: Nnyaya tlhe rraabo, e seng jalo tuu! Bosa bo sele, le batho ba setse ba sasanka le mebila. Metsi a go iphimola a tloga a tsidifala.
(Kwa Moepong ke nako ya ura ya borataro mo maitsiboeng a Labotlhano. Ngakane o ntse le Senyaka mo godimo ga bolao. Ba tlhasetse mponyana ka dikweletla tsa nama).
Lokwalotshelo lwa mokwadi, rre K.S Naledi. Ka go buisa ka kelotlhoko bayokerafi ya mokwadi, barutwa ba tla tlhaloganya ditlhangwa tsa gagwe botoka.
ngakane: Mafoko a gago a kiba teng ga boteng jwa pelo ya me ya lorato. Ke leka go fapoga tsa mothale o. Fa o mpona, ke tila go sunya nko mo tshetsaneng ya motse wa rona.
senkepeng: Bagaetsho ba bantle! Lo a tshwanelana. Modimo o itse go kopanya batho. Ke tla tsoga ke bua puo phaa bosele. (Ba a kgaogana).
RaMoepa: Ga o bue boammaruri. Ke lona lo ntseng tlhogo di botlhoko. Lo fekeditswe ke maikutlo a morwaalona yo o senang kgala yole.
A o ka dumela go ya seyantlo kgotsa wa rotloetsa mongwe go ya seyantlo Neela mabaka?
Moruti Isang : Moruti wa Kereke ya Faith Mission.
Mo mosong wa fa dikgomo di bolola. Thando o tsosa monnamogolo Ntaoleng le Gabatshwane.
thando: Ke yole, o iphetotse Rasebintsolo. O letse a ineile phaposi ya me ntle le letswalo lepe. O gateletse fa a tiisitse mo go se a se simolotseng.
kgatuRe: Nnyaya Thando! Tlogela tsa ngwana. Gompieno jaana, ke dumela motho yo a reng; "Ngwana o itsiwe ke mmaagwe". Ke ne ka iphora, ke ithaya ka re ke belege ngwana wa leitibolo, kante ke a ikaketsa.
senyaka: Bona fa thaka. Tshetsana ya fatshe le ke ntletsentletse. O ka kgona go ja mokaragana le bona ntle le mathata.
nkeMeleng: Thando, ngwetsi ya me!
ngakane: Nnyaya rre, ga ke re ke lorile, ke mogopolo wa me. Ga ke rate fa go ka tsena gopane mo lelapeng la ga nkgonne. ´Thoto tsa ga etsho tsa tloga tsa jewa ke batswakwa re ntse re lebile.
O bo batla mo go mang?
kgatuRe: O bogale tota mosadi ke wena. O tsene le nna mo mapaing o sa ntse o apere bontsho O ne wa fitlha mosese wa gago felo gongwe. Wa tla o apare ditokana tse pedi tsa tsala. O sebete motho ke wena. O ka baya nkwe botsetse?
tsholofelo: O swabisitse batsadi ba rona. Ba ne ba go rata le go re gaisa. Tsatsi lengwe o tla lelela kgama le mogogoro.
kgatuRe: O belaela eng Le dithaekgora tsa Tlhabane di a itse gore ga ke di boife?
thando: Ee, malome, segolo ke tlhoafaletse ntlo ya me. (A bua e bile a galamela mo go yona).
senyaka: Ao, Ngakane, se bue jalo tlhe! Mafoko ao ga a go lekana.
thando: (A tswa ka ntlo. A atamela mmaagwe). Ke feditse go phutha.
thando: Le fa tota ke sa tshwanela go leboga, go a mpateletsa go leboga.
Phuruphutsha: Go batla sengwe ka mokgwa o o matsetseleko o sa senye nako.
thando: Nnyaya, tsala. Mo maabaneng ke ne ke sa phela sentle. Mowa wa me o letse o futswakane.
Ramoepo: Ka go tiisa.
RaMoepa: (Ka go fela pelo. A tsholetsa sekgwama). Sekgwama ke se, se na le dikete di le thataro tsa diranta. Di tswa kwa Tlhabane go kopa kgololo ya ngwana.
ntaoleng: Re go utlwile morongwa wa batho. Rona fano fa, re na le moemedi wa mmueledi. Re tshwanelwa ke go mo tshwara ka mogala pele re ka dira ditshwetso le wena.
A me a kalo.
Neela maina a ditsala tsa ga Senkepeng.
nkeMeleng: Banaka, fa lo itumetse go itumetse rona. Leina la ngwana ke "Kamogelo".
Poloto: Tatelano ya ditiragalo dina le mabaka a a di tlholang.
thando: Ijoowee, mmalo nna wee! (O petula matlho, Senkepeng o ba thusa go rapalatsa Thando mo mosemeng).
Jonase: Ka ditumediso o bua le Jonase.
bantoMo: (A penya mosadi ka leitlho). Mafoko ke ao mma!
Jonase o dira kae?
gabatshwane: E le gore o simolotse jang ngwanaka?
kgatuRe: Nako e teng re tla di tšhotlatšhotla mo sephiring. O tla sala pila motho yo montle. (O a tswa).
bantoMo: Koko koko.
nkeMeleng: Ga ke na kgang rraabo. Kana re tshwentse batho ba. Ngotla mafoko rraabo.
ngakane: Bona fa, wena Senyaka. Felo fa nkgonne o ne a nyetse mosadi. Ke mosadi wa mmantota. Ke ene a ka kgonag go ntsholela bana.
kgatuRe: Ke raya se ke sa se tlhalonangyeng. Ke simolola go itewa ke ditshikare. (A leba Thando gareng ga matlho).
Ralekwatiti: (O tsholeditse diatla. Phuthego e tswetse matlho). "Keresete", Morwa Modimo, Morena wa me yo o rategang, yo o ntshitseng lefatshe dibeng, intshwarele ka ntlha ya madi a a boitshepo a gago. Amen."
Mponeng: Go senyegile fa kae ngwanaka Ke raya tota o ise o apole bontsho jaana?
kgatuRe: Fa o ka e re bolelela, re tlile go go thusa mokgweleo o.
Mponeng: (Ka makalo). A re o jewa ke eng?
senyaka: Monna tlogela go ikgwagetsa ka kgole o e lebile. O ka tsoga o ikotlhaya go bona bomatlhogole, ba ba setlhana ba go tla kwa morago. Se lelele go disa nako tsa mariga. Tlogela go ikepela lemena, o tla thanya o faraferwe ke morwalela wa madimabe.
Thando a re Senkepeng ke menomasweu polaya e tshega, phiri e e apereng letlalo la nku. Tlhalosa gore o raya jang.
ngakane: O bua nnete kgaitsadi. Ga re kitla re letlelela letsenela mo go tsa rona. Ke rata kakanyo ya ga Tsholofelo. Ke solofela fa re tlile go tshwaragana le go thubakana le kgang e.
Mametlelelo e, e rulagenyeditswe go nolofaletsa baithuti le barutabana ba kereiti ya 12 tshekatsheko ya teramakhutshwe e, le go ipaakanyetsa tlhatlhobo ya Pampiri ya Bobedi ya Setswana mo kereiting e.
thando: Ahee rra.
Ralekwatiti: Phuthego ya etsho Moreneng. Fa jaaka lo bona morwarre fano Setonti a batla go nnathola tsebe, o tshotse molaetsa o o seng monate.
gabatshwane: Rraago o bua nnete e le ruri. Dikgomo ga di rate motho a tlhola a ikokometse dinala. Nna ga ke bone o ka kgona. Rraago o tla tswa letsholo go batla modisa.
kgatuRe: Molato ke eng?
Nkemeleng a re a ngwana a bidiwe Kamogelo. Tlhalosa bokao jwa leina le o lebeletse lenyalo la ga Thando le Kgature.
tsholofelo: Nnyaya molato ga o teng. Rre ke ena a bobolang. O ratile thata go ka bona ausi Thando a ise a ye bookelong.
gabatshwane: Jaanong dingwe ke dife?
Rasebintsolo: (Pele a tswa mo ntlwaneng, a atamela tsebe ya ga rraagwe). Thando go tloga jaanong, o mosadi gare ga basadi. O tlotswe ke tse pedi dikgwedi.
RaMoepa: Ngwanaka, Thando! ga o kitla o nyalwa gabedi lapeng le le lengwe. Seo sona nka itoma sekgono. E seng ke sa ntse ke phela.
ntaoleng: Ema pele mmaabo. Nte a re fatlholole re kgone go ipitla ka la moja.
RaMoepa: (O a tiisetsa ka go tenega). Didimala, wena ngwanaka. O tlile go ikotlhaya le penne.
thando: Dumela wa pelo ya me!
Ralekwatiti: (O amogana le phuthego diantifone). Ke neela moya wa me mo atleng sa gago.
gabatshwane: Ngwanaka Thando! Ke tshepa fa o itseetse ka tsebe tsoopedi. Kana nama ya pateletswa e thuba pitsa.
lesope: Abuti Ngakane! Kana batsadi ba gago ba go rata tota. O se tlhole o dira jalo tuu! (Ba mmofolola thapo mo molaleng).
ntaoleng: Ema pele mmaabo! Tswela pele re utlwe rra.
ntaoleng: Lo ntse lo tsoga jang fatsheng la Kopmane?
senkepeng: O ntheetse sentle, Kgature, Ngwana wa ga Thando, ga se wa gago. Fa monna wa gagwe a bona kotsi ke fa Thando a le mo kgweding ya bobedi. Ngwana yole, ke wa ga Rasebintsolo. Wena o ne o motiwa ka letsoku le ntse le sa go tshwanela.
gabatshwane: Rraabo, ngwana ke wa rona! Bua puo phaa! A seso se ropologe re kgone go ikgwapitla.
tsholofelo: Ao wena, tota!
thando: (Ka go tshega. O betsa Kgature ka seatla mo legetleng). Hei, ratu! Matlho a gago a bogale e le ruri. Ke ntse ke ithaya ke re ga o bone sepe.
thando: Ke go utlwile ka tsoopedi ntate. Ke ditlhong go ka ikatlhola. La bofelo le tla tswa go mme yo o nkanyisitseng. Fa e le moila sikeng la bona, e tla nna thetela. Ga ke batle go iphetola moipolai yo o sa lelelweng ke ntse ke rototse matlho. Lo a itse batho betsho, ka dipuo tsa bagolo. Ka ga me Ngakane a lebale. Ke tshaba go tsoga ke tshegwa ke dithaka mebileng. Se ke kopo ya me ya bofelo. (A emelela).
Mponeng: E le gore mathata a simolotswe ke eng?
kgatuRe: Ke eng fa o ne a o sa intsibose go sa le bošweng?
ntaoleng: Heelang batho ba ga Ramoepa! Ke ne ke lo itsise fela e seng go kopa sepe mo go lona. Ngwana a re nna wee!
Batho ba ba neng ba taya ngwana yo maina ba amana jang le ena?
rwaletse. Ntshang ka ´tlhaa re utlweng.
Jonase: Ke lebogile mma.
RaMoepa: (Ka go ikana). Ngwanaka! O ritibatse maikutlo, tsotlhe o di tlogele mo tlhogong tsa rona. Re tla dubakana natso go fitlha more o nna borethe. Dikgomo tsa bona di ka boela gae.
thando: Heelang motho ke wena! Fa o riana o ntigela mo karolong ya dithoto tsa Rasebintsolo Bona fa Ngakane, a re tlogele kgang ena, o ise o ntlhapatse tuu?
go jewa ke bodutu: Go nna go sena motho yo o ka itumelang le ene le dira ditiro dingwe mmogo.
thando: Ke mo go ya (A emisa menwana e mebedi).
thando: (Ka go tlhabiwa ke ditlhong). Ke a leboga abuti Kgature. Ke meditse molaetsa wa gago. Ke tla tsoga ke leboga bosele. E sere gongwe ka itlhaganela. Lepotlapotla le ja pholwana, modikologa o ja kgomo ya tona.
thando: Ga o mmakatse. Ke a itse gore Senkepeng ke menomasweu polaya e tshega. Ke ene a go kgwetseng botlhole jo. O go talafaditse sefatlhego jaaka kolobe ya leswafe e pontswe ke noga ya lebolobolo. ´Gano la gago le nkga botala jwa maaka.
thando: Rra, ruri ke mo letsapeng. Fela jaaka o mpona ke le fano, ruri ke ikgoga fela. Fa e le nako ya go reetsa, ga e teng, e tlabo e le maaka fela. Tota fa o ka nkgolola motho wa batho, o ka bo o ntiretse molemo (O fetsa ka go edimola).
ngakane: (O fetsa go metsa lenathwana la mosoko. O betile sebete). Rre le mme, ke kgangwa ke sengwe. Ga ke na boiketlo mo moweng. Ke ratharatha ka pelo. Ga ke na boikhutso mo mogopolong.
thando: A re tseneng kwa ntlong. Kana mafoko a bofefo go ya le naga. (Ba tsena botlhe ka ntlo).
senkepeng: O dirile jang ka lebaka le le?
bantoMo: Betshong! Lo tla re itshwarela. Re tla re paputla le naga. Re batimedi e bile re barongwa.
Ikgomotseng : Lesea la dikgwedi di le thataro la ga Thando mo nyalong ya bobedi. Batho fela.
Rasebintsolo: (Ka tebo ya kgatlhego). Hei, moratiwa! Ka re o phatsima jaaka namane ya mogwere. Dinoka tsa gago di tletse tota...
thando: (O lora a bua le Ntaoleng) "Thando ngwanaka, o se ka wa lebala tsamao ya me. Ngwana yo le mo botabotang yoo, ke wa ngwanake Rasebintsolo. Lo mmitse ka leina la Ikgomotseng. O bee tsebe thata gonne ke go naya taelo ya botlhokwa. Ke wena o re itatotseng, rona re tla gomotswa ke ngwana wa madi a rona "Ikgomotseng". O tseye ngwana yo o mo ise kwa lelapeng la ga rraagwe. O tla fitlhela Tsholofelo le Ngakane ba mo emetse. Fa o ka nna tlhogo e thata, o tla lelela kgama le mogogoro. Ke bua gangwe fela, la bobedi e tla bo e le fa ke tlile go mo itseela, mme wena o tla sala o bokolela jaaka kolobe ya mokoduwe e longwa ke mekotou. Dira ka pele."
Jeso a re: ´A dipelo tsa lona di se fuduege lo dumele mo Modimong, dumelang le mo nna. Mo ntlong ya Rre go na le manno a le mantsi. Fa go ne go se jalo nkabo ke lo boleletse. Ke ya go lo baakanyetsa bonno gore kwa ke leng gone, le lona lo nne gone E re ka ke tshedile, le lona lo tla tshela'. (Johane 14:1 - 3 le 19).
nkeMeleng: (Ka go tsiboga). Hei, e seng leo tuu! Ke gana nnang wa banyana. Rraabo, ke tseo tsa baša.
tsholofeleo: Mma, ke dirile thomo ya gago. Ngakane ke yo.
gabatshwane: Thando ngwanaka. Elatlhoko gore Rasebintsolo o go agetse ntlo e e kana kang. Dithoto tsotlhe tse, di raya wena. O se intshe dijo mo ganong o di lebile.
Jonase: O kopiwa go iponatsa mo kantorong ya rona mo Rustenburg. O tle le makwalo a gago a boitshupo.
setonti: Tsa lenyalo tsona di feletse kae?
bantoMo: Dumelang, rra le mma!
tsholofelo: O opile kgomo lonaka kgaitsadi. Ditiro ga di latsane, rona re go lokolola ka mewa e e lokologileng. O nne o re gopole kwa o yang.
nkeMeleng: (Ka mowa o o sa phuthologang) Go siame rraabo.
tsholofelo: (O bua a ntse a tsamaya). Robala sentle mogadibo. O lore tse di monate.
senkepeng: Wena mme, MmaThando! Motho yo Thando o setse a bonwe ke mongwe wa bahumi ba Tlhabane.
gabatshwane: A o setse o kile wa latlhela tlhware legonyana?
RaMoepa: Hei motho wa batho! O re tsenetse ka sekgoropa tsatsi le penne.
Rasebintsolo: Ke ne ke re tsotlhe di apere tshiamo, re ka wela tsela. Pega dilo ka bonako.
bantlhoile: Ga go nnete e e fetang e o e buileng.
thando: (Ka lenyatso). Ahaa! O noga e e ipolayang mala. Ntlo e, fa ke rata, ke ka e tsenya mo kgwebong ka go dirisa boramolao. Ntlo e, e mpetsa mo phatleng. Go tswa mo go nna gore ka reng ka yona. Fa ke ka fetola maikutlo, lo ka sala lo itshwere matheka. (O tsena ka phaposi ya gagwe).
ngakane: (A ntse a tabogile.) Bathong, thusnag! Ke a swa tlhe! Thusang! (Go utlwala swaa, swaa ! Mo tlhageng).
senkepeng: (O mo tsena mo ganong). Iketle pele tsala. Wa re?
thando: Hei thaka! Ka re o nkeme nokeng e le ruri.
A go ya ka wena seyantlo se molemo Tshegetsa karabo ya gago ka mabaka a a utlwalang?
thando: Rre Ntaoleng o ne a ntshwenya kwa ntle le go boela morago bosigo bongwe le bongwe mo torong. Sa bobedi ke gore o ne a batla ngwana. Jaanong ke ne ke sa itse gore ke ka raya ba bogadi ka reng?
kgatuRe: Mo go nna o itshwenya fela. Lefoko ga le boe go boa monwana. Tsela ya gago e butswe. Taelo, batsadi ba me ke e ba neile. Molelo ga o fise bona.
ntaoleng: (Ka go tenega). Le goka! Seo se ka se direge.
thando: E seng nna! Letsatsi le ka tswa Bophirima la ya Botlhaba. Le fa o ka itoma sekgono...
senkepeng: A re o tsenwe ke eng?
thando: (O iphimola dikeledi). Ratu!
tsholofelo: O mo nneteng kgaitsadi. O tlamega e bile o tshwanelwa ke go tsaya mosadi wa ga abuti.
senkepeng: (O eme mo mojako wa phaposi ya go tlhapela). Ka re o bopegile tsala. Mojita yole o tla gapega maikutlo.
gabatshwane: Le nna ke batla go tsokotsa mantlakatla a me, ke tle ke kgone go go silela kgala e le ya maabane.
kgatuRe: Dumela mmaetsho! Re ntse re go tlhoafaletse e le ruri.
gabatshwane: Nna ke ne ke re a ye go bitswa, molato o batla o ikutlwelwa ke mong. A ka tsoga a re itatola. Tsholo ngwanaka, siana o bitse abutiago ka pele.
ntaoleng: A re o timeletswe ke eng?
setonti: Dumela Thando! Ke eng o re phakeletse jaana?
thando: (Ka tenego o thubaganya lebati la phaposi e e mabapi le eo a ntseng a e bitsa ya gagwe le Rasebintsolo). O robale teng ka foo, o tla tsoga o tswa ka nnete. Mosimane ke wena ga o na ditlhong. Batho fa ba ka utlwa ruri ba ka go kgwa mathe a ditlhabisa ditlhong. (O a robala).
gabatshwane: Nna ruri fa dilo di ka bo di itirelwa fela, ke ne ke tla rata fa lo ka ithutana, mme morago Ngakane a rwala tlhako tsa ga mogolowe. Ga ke bone e le moila ope.
Ntaoleng ene a re ngwana a bidiwe Ikgomotseng. Tlhalosa gore goreng Ntaoleng a naya ngwana wa ga Thando leina le.
phuthego: (Go opelwa sefela 288). Batho botlhe ba tlaa fela, ka ba tshwana le bojang. Ba tshwanetse go nyelela, ka ba le mo maleong. Mmele o tla bola pele, Ee, o tla tswa mo losong, go ya kwa kgalalelong.
ngakane: Nkgonne Thando, re lebogela matsapa a gago. Ere le ka moso o utlwela mathata o re gopole. Re se latlhane, le fa tota...
bantlhoile: (Ka go makala.) E le gore batsadil ba gagwe ba reng?
gabatshwane: (A tsena ka phaposi). Thando ngwanaka o reetse rraago thata!
nkeMeleng: Ele gore jaanong ! A re itlhoboge?
senkepeng: Se tshwenyege. Ke tla go tsenyetsa "polasetiki" ya go go kokobatsa mo godimo ga metsi. (Botlhe ba mo letangwaneng).
gabatshwane: Jaanong E le go ree?
Mponeng: Nnyaya bagaetsho, go fetoga ga re a fetoga. Molekane wa ngwanaarona o ithobaletse. A ngwana a gololosege mo botshelong. Kgole e e neng e mo tlamile e kgaogile.
thando: Lo saleng sentle!
Research: Challenges and constraints faced by Educators regarding conflict Management and Resolutions in the Primary School of Moses Kotane East APO Bojanala Region.
ntaoleng: Ga o a fosa ngwanaka, fela bothata e tla nna jo bogolo jang ka o nna kwa moepong. Go raya gore o ka tloga wa di okomela gangwe ka kgwedi. Kana, fatshe leno, ga le a robala. Magodu a lona a bofitlha e tswa a le ntletsentletse.
thando: (Ka boletanyana o ja lebati ka monwana wa kgonojwe). Koo-koo. A go a tsenwa?
ntaoleng le gabatshwane: (Ka gangwe fela) Ahee ngwanaka!
thando: O letse a iphile dikobo tsa ga Rasebintsolo. O letse a nwele pitsana ele ya mosetlha. O ikanne go tlhakanela le nna mapai go tloga jaanong. (A rothisa keledi ya kutlobotlhoko).
gabatshwane: Ijoo, nna wee ! (A petula matlho. Setulo sa menoga. Ntaoleng le Setonti ba mo kukela kwa ntlong).
kgatuRe: (O tshikinya Thando.) Heela, Thando! robala sentle. Ke eng o ntse o kunyakunya jaana?
tsholofelo: Ao, tlhe! Dumela ausi Thando.
ngakane: Go tloga gompieno jaana o itse fa e le nna motsamaisi wa lelapa le. Phaposi ya ga nkgonne e tlile go nna ya me le wena. Ga go monna yo o tla lekang go tsena ´sikeng la rona. Ke ikana ka nkgonne a ntse a ithobaletse. (O bua a tsena ka phaposi ya ga Thando).
thando: (O ikhurumeditse ka kobo). O bua nnete ratu. Ke tla leka go robala ke patlame.
senyaka: Nnyaya norwarre, ga ke kgakala ka puo, mme fela go sengwe. Malatsi a ke bona gangwe le gape o tlhoname. A ga o ise o itlholboge ka tiragalo ya ga mogoloo?
Mponeng: Bagolo dumelang!
gabatshwane: Go siame ratu, ngwetsi e utlwile. Tselana e tlhagolwa ke mong. Ramogola e fenoswa ke ba e ba babalelang. O se lebale go phalotsa makwati a mosetlha tlhakoreng la Botlhaba, re tle re kgone go fetola pitsa ya ngwetsi.
lenyalo la lepotlapotla. Mo go nna o tlhoboge. O tlile go itaya kwa ntle.
tlotla, le ene o a nthata.
Tshekatsheko Fa ba buisitse, ba tlhalogantse ke gona ba ka tsenang mo tshekatshekong ba dirisa ditheo tsa ya tshekatsheko ya terama, bogolosegolo ya teramakhutshwe.
(Ka nako ya boraro mo thapameng, Thando o goroga kwa gaabo Kgature. O fitlhela Kgature a na le batsadi ba gagwe ba adile kojwana mo motlhong fa thoko ga ntlo).
ntaoleng: (A le esi). Go siame batho betsho. Lo gopoleng gore ngwana wa mosetsana segotlholwa o a latlhwa. (A tsena ka ntlo).
bantoMo: (Ka go tlhomoga pelo) Mmaabo, le wena Kgature. Ke kopa re neeleng ngwetsi ya rona tlotla. Ngwana ke wa maitibolo. A re se ngangeng. O tloga a nna ka go ngobaela.
ntaoleng: Wa re eng (Ka makalo)?
ntaoleng: Heela monna! Leba fa monna wa batho. Wa re ngwanake o tlhokafetse?
bantoMo: (Ka makalo). Tlhang o ka re re fitlhela tseo re sa di tlelang. Bothata bo fa kae bagaetsho?
thando: Ga go kgonege, e bile ga ke boele morago. Mosimanyana yo, o tota a sa mpone. A bagolo ba tlogele leina la me, ba fasafasetse Ngakane molekane yo o mo tshwanetseng.
bantoMo: Bagaetsho! Re tlhotse, ka jalo re kopa tsela.
gabatshwane: (O tlhaga a kubakuba). Ga twe ke eng tota ngwnaka (O a lela). Ruri ga twe ke ne ke ile go go bona kae (Ba tshwaragana ka magetla)?
thando: Ke rre Ntaoleng.
thando: Ke lebogetse thata go nna le lona ka nako tsa matsapatsapa. E kete Modimo o ka re babalela rotlhe fela. Ditlhokwa e kete di ka re robalela ra tla ra kgona go namatshega.
gabatshwane: Ao, ngwanka! A o ne o gopotse yole Rasebintsolo?
phuthego: (E tswelela ka go opela sefela). MoRuti isang: (O bala mafoko mangwe a kgomotso. Pesalema 103:13) ´Jaaka rra-bana a tla a utlwela bana ba gagwe botlhoko, Morena Modimo le ene a tlhomogele ba ba mmoifang pelo fela jalo.
Mponeng: (A mo tsena ganong). Ehee! Ke ne ke ithaya ke re go ile fela jalo rra. Nkinele diatla metsing motho yo montle. (A phophotha diatla).
ntaoleng: O ikilele mo direng. Dithaelo o di rukhutlhe. Dipitsa o di nwe go ya pheletsong. O tla iteboga. Aparo se sa gago o se tlotle. Ke letshwao la thatano ya batho ba ba kopantsweng ke Modimo.
senkepeng: O a bua tsala. O tshwanetse go ingaparela. Kgobokgobo e a ikgobokanyetsa Motho ke go gata monwana o mogolo wa leoto. Tse dintsi re tla di tlotla fa re kopana gape. Ga ke ile go tsena le wena kwa ga gago. O tla ba dumedisa. Ba tloga ba nkakaretsa mo marareng a lona a dikgang. (Koloi e tsetlela fa hekeng. Thando o bula a boa a tswala lebati. Koloi e wela tsela. Thando a ema go fitlha koloi ya tsala e tikela).
ke ngwetsi ya rona. Taolo mo go yona...
thando: (A ntsha "enfelopo" mo sekgwameng. A naya Kgature) Se ke madi a rona boobedi.
RaMoepa: (O emeletse). Lo saleng sentle ba ga Ntaoleng. Lo tlhogo di thata fela jaaka nama ya tlhogo. Lo se sale lo kgerisa ngwana yoo, go seng jalo, ke tla tla go mo phutha le seo e leng sa gagwe. (A tlhaba jase ka legetla).
thando: O robale sentle, o tle o lale o lora mmamaaka yole wa gago Senkepeng. Lenyalo kgale le kgabagantse mo go ene. O ithutile fela go thuba metse ya batho. Senkepeng ke noga ya maoto a mabedi. Ke phiri e e apereng letlalo la nku. Nxa! (A tsena ka dikobo).
tsholofelo: Ntlo ya ga Rasebintsolo e fetogile ya ga Ngakane. Wena o tlile go nna fa kae?
ntaoleng: Ke nna tlhogo ya lelapa le. Yo ke khumagadi ya me. Ke mosadi wa me wa go tshega le go tlhonama. (O a tshega).
bantoMo: (Ka kutlobotlhoko.) Banaka botlhe fela ba ke lo rantang, gomotsegang. Lo sa le ba botlana go ka itlhoboga. Se ileng se ile!
nkeMeleng: Dumela ngwetsi ya rona. Ke sebaka re ntse re beile seatla phatleng.
thando: Se rialo tlhe ratu! Kana o nthatile, le nna ke go ratile. Mo go nna le wena ga go na nama ya pateletsa. Re ngatana e le nngwe fela.
bantlhoile: Botsala jwa rona bo tshwanela go ya marung. Nna pelo ya me e phophoma ka boitumelo.
thando: (O tshwaraganya menwana). Ruri, ruri fale ba sa nkitseng! Noga e go thweng Senkepeng ele, e tlile go di gama e sa di tlhapela. Ke ya go apara kobo e le nngwe nae.
tsholofelo: Abuti ema tlhe ke go thuse. Ke nna Tsholofelo, kgaitsadio. Mme le ena o mo tseleng go go thusa tlhe. (Ngakane a ema, e le go kopa thuso ya go bofolola kalana).
Rasebintsolo: (Ka boitumelo) Wa rialo tota!
Puiso Mo go buiseng, baithuti ba leke go tlhaloganya mafoko le kgang yotlhe ka kakaretso. Ba latele ditiragalo sentle, ba bone mabaka a a di tlholang.
senkepeng: (Ka go tshega). Ke ne ke ipotsa gore a o ka palelwa ke go baya nkwe botsetse.
kgatuRe: Dumela ratu. (A mo atla).
senkepeng: Kana motho o bolokwa ke motho a sa mo itse.
senyaka: Oaii! (Ka lenyatso).
kgatuRe: Nnyaya mma, le ene ke paki. Sebe sa phiri ke gore o lala a kunyakunya bosigo bo le kana.
Mponeng: Pelo ya me e nthaya e re ke ka bo ke setse ke thulane le batho bale. Kana re ya go tsetsepela mo go ganeng. Ga re kitla re suta mo dikakanyong tsa rona. O nthusitse ngwanaka Senkepeng. Jaanong ke na le maitsetsepelo a go tiisa go gana.
thando: Dumelang, bagolo!
thando: Jonase! (Ka makalo).
RaMoepa: Rona re gana lefoko la seyantlo. Se pateletseng ngwana se a sa se batleng. Letlametlo ga le ke le lela fela, le a bo le utlwile a magolo...
Jonase: Nnyaya rra, mme ga a fose. Ke tshwanelo ya go botsa. Motlhala wa motho ke molomo. (Pele a ka bua leina, a baya dikwalo tseo a di tshotseng fa fatshe. A tsenya seatla mo kgetsaneng ya maratagolejwa ya letlalo. A ntsha dikaratana. A neela mongwe le mongwe ya gagwe). Nna ke Jonase fela jaaka lo bona mo dikarataneng tseo.
Ramoepo: Lo itse fa ke beela ba bogwe seelo. Fa e ka re ke tsena ba phatlalatsa menwana, ke tla tla go lo itsise. Fa ke sa bonale lo itse fa gongwe ba e ngotlile. Ke batla lo re tlhatswe diatla tsa kgodiso ka dikete di le. (A tlharalatsa menwana ya matsogo e le tshela).
Jonase: Se tshwenyege motho yo montle letsapa ke mogatsa mmele. Fa le go ngaparetse, o tshwanelwa ke go dira ditshwanelo tsa lona.
(Marapo a neelwa malomaatsona).
ngakane: Ga go sepe sa ga nkgonne se se tla tlolelang kgoro kwa ntle. Fa o ithutla, o tlile go tswa ka ditswalo tse o tlileng ka tsona.
A gona mmuisiwa o kgonne go rukutlha dithaelo Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. Ke belaela gore monna yole o tsamaile a gadimile?
thando: E kete ke tla nna lesego. Ke utlwile a umaka go loma bagaabo tsebe. Ka go tloga gompieno gona, leseanyana leo ke le imileng, le na le ntataalona. Go sa kgathatse gore dikgwedi di reng, tseo ga di nthee.
setonti: Dumelang botlhe fela.
thando: Ke a utlwa ratsale.
thando: Ee, o re go mpona ke patlapatlile jaana, go nkga go sa bola.
ntaoleng: Bua seo le tlileng ka sona. E kete re tloga re lo thiba molomo lo ise lo itlhalose.
Sekoropolapa: Ke lesela le le dirisiwang go phimola metsi le go phepafatsa mo fatshe.
senkepeng: Go ntse go tsamaya jang?
o di itimang.
Ralekwatiti: Keresete, Morwa Modimo, Morena wa rona yo a rategang. Ke neela moya wa motlhanka wa gago mo diatleng tsa gago, ka gonne o mo golotse, Modimo wa me wa boammaruri, A men. (Phuthego e boela gaeng la moswi).
Morero/thitokgang Morero/thitokgang ke modi wa kgang ya terama. Ke yona e kgotlhang ya terama e melang mo go yona. Ditiragalo tsotlhe tsa terama di itshwareletse ka ona.
ngakane: Tsholofelo kgaitsadiaka, a re ye go isa marapo go beng.
kgatuRe: (O leka go tshegetsa Thando, keledi e tshologa bobeding). Itshoke tlhe Thando! Nolofatsa mowa wa gago o tle o kgone go amogela se se tlileng.
Mponeng: Ke reeditse (Ka monyenyo).
tsholofelo: Ao ! dumela tlhe nkgonne. Tsena. (A goga setilo go mo neela).
nkeMeleng: Tota le molao ga o dumele mo kgoreletsong ya bana. Yo o nonfileng o letlelelwa go itseela tshwetso ntle le go rerisa batsadi. Jaanong batho ke ba, ba thatafaditse melala ya bona ka ngwana ba sa mo anyisa.
RaMoepa: (O hupike tedu.) O raya jang Itlhalose monna. O ithaya o re o a re tshosa. Nnyaya e seng go sotla ngwana wa rona. Lefatshe le, le namile. A ngwana wa lona a phasalale. A tswe letsholo. A se phalwe ke khukhwane ya boloko?
bantoMo: Dumelang bagaetsho! (Ba fana diatla).
ntaoleng: Nnyaya mmaabo! Se ba etelelepele ka mafoko. O tloga o ba dira gore ba boe ka seo ba se hupileng. Ba ga Bantomo repang.
ntaoleng: (Ka go tenega). Ramoepa, o nyatsitse lelapa la me. O le nyefotse. O re tsentse matlho a batho. O lenyatso, mme fela tsatsi lengwe le tla go tlhabela...
ngakane: O nepile fa o re ke boele gae. Ke kgopolo ya me eo. Fa ke tloga fa, ke tla bo ke kibetse ka makgowa.
senkepeng: Bona fa wena tsala. Motho yo, o montle, o itsholetse e bile ga a ise a ikgolege ka kgole ya nyalo. O tla iponna le wena, o a go tshwanela.
thando: Ga se koo ke kwano. (A atamela mmatsale le rratsale. A ba naya molomo bongwe ka bongwe) Bagolo ba me dumelang!
thando: A o a bitsa rra?
nkeMeleng: (Ka setshego). Fa lo isitse bogadi lo tle le ngwetsi ya rona.
Mponeng: Re tsogile ngwanaka. A mantsi ke maaka fela. Ke letse ke baba ditsebe tshegare lotlhe fela.
kgatuRe: Dumelang bomma!
tsholofelo: (O tshamekatshameka ka lesela la tafole). Ausi Thando!
Rasebintsolo: (O tsena mo ntlwaneng). Ntate, ke sa ntse ke felegetsa Thando go ya go bona tsala ya gagwe.
ntaoleng: Rra, dipoo ga di ke di bopa lesakeng le le lengwe. Re bona jaaka lo batla go re tlola tlhogo. Sengwe gape ke gore lo eletlhoko gore kgori e bona lee...
thando: (Ka dikeledi). Ikgomotseng o petutse matlho. O gana go tsoga.
thando: Ke a leboga fa o ntetla go ya go utlwa seo ke se biletswang. Ke tla ipaakanya.
thando: (Ka ditshegwana) Ratu! O tla bo o e lole fa o ka dira jalo. Kana ntlo ga e beele e tshwana le lenaga. (A tsena ka phaposi ya go tlhapela).
thando: Dira jalo ka bonako rra. O se lebale go ntaelela mo go rre.
kgatuRe: Ke ka se tsene. Lo tla sala sentle. O tla sala sentle. O itlhokomele. (A mo atla).
thando: Wena Ratswale le Mmatswale, ke itlamile ka tukwi lethekeng. Ke ne ke lebogetse thata go nna tlase ga batsadi le molekane wa me. (Keledi ya palelwa ke go itshoka).
O ne a bua le mang?
ntaoleng: Monna Ngakane. Re go biditse fano. Go mafokonyana a re ratang go a go botsa.
gabatshwane: Heelang! (O itshwara dinoka).
Go nna mosupatsela go barutabana fa ba tataisa barutwa.
Thando : Kgarejwana ya maratagolejwa. Ke ngwana wa bobedi wa ga Mponeng. Ba lelapa la ga Bantomo mo Tlhabane.
ntaoleng: Nnyaya tlhe mmaabo! Iketle pele, moeng a fodise maoto.
ntaoleng: Ga se ntlo fela, dinamanyane le tsona ke tsele di tlala seatla. O nne le rona ka phuthologo. Badimo ba tla go alela diatla. O tla robalelwa ke ditlhokwa. Mo sebakeng se, ga o tlhoke sepe. Seo se ka go tlatsatlatsang le naga.
thando: O opile kgomo lonaka. Ga go nnete e e phalang eo. (O bua ka monyenyo). Ke itsitse gore o ka se ntshwabise, tota le fa pula e ka gosomana ka morwalela. Kana ke mosadi ka wena.
ntaoleng: Ke batla go sianela dinamaneng.
RaMoepa: (O tlhomile mogatse matlho). Ao, mmaabo! Motho ga a lebelelwe jalo tlhe.
thando: Mme le rre, ke lo rata tota. Kgature ena o a itse, ga ke bolo go mo netefaletsa ka moo ke mo ratang ka teng.
setonti: Sebare, nna ka re tlogela fela. Botshelo jo, leotwana bo a dikologa. Lepotlapotla le ja pholwana modikologa o ja pholo ya tona.
lesope: (Ka go hemelwa). Abuti Ngakane!
Setonti : Kgaitsadia Gabatshwane. Ba lelapa la ga Ramoepa mo motseng wa Kopmane.
ntaoleng: Fela jalo ngwetsi ya me. Modimo o dirile thato ya Ona. (Senkepeng le Thando ba thubagana ka selelo).
setonti: Nnyaya mma, nna ke tshaba go tsoga ke di seka. E re ke bitse beng ba legae.
senkepeng: Ga ke re ga twe. Tsotlhe di rulagantswe ke nna. Fa ke bua jaana Thando o tsoga mo hoteleng ya Tlhabane Sun le lekau la gagwe.
Ka nako ya sethoboloko e le La-Mosupologo kwa Kopmane lelapeng la ga Ramoepa, go tsena Thando le Senkepeng. Batsadi ba ga Thando ba adile phate tlase ga mokaloba wa setlhare sa morula.
RaMoepa: Direla ka pele re ikgobole kgokgotso.
RaMoepa: Re batla go itse gore fa lo re naya ngwana wa rona lo ka re kopa bokae?
bantoMo: Rre Ramoepa. A re se etelelwe ke bomme pele, Wena o bona jang?
tsholofelo: Go siame mma. Ke tla dira ka bonako. (O a siana).
Ralekwatiti : Moruti wa Kereke ya Pentekosete mo Tsitsing.
thando: Go mabaka a mararo a a mpoifisang. Ke tshaba go itlamaganya le motho e le gona ke mmonang. Sa bobedi ke fa a ka tloga a lemoga fa ke le sesading. La bofelo ke gore, ke sa ntse ke le moswagadi. (O ikokomela ka fa le ka fa).
gabatshwane: (O itumeletse mo pelong). E le gore o kae mo nakong e?
lesope: (O tsentse lekgotla la pelo. O itayaitaya mpana ya moretlwa mo diropeng). Heelang, bathong! A selo se ke pono ya matlho a me kampo ke a lora Motho o rankganya mo thapong! E re ke mo atamele. Mmalonnawee! Motho yo ke abuti Ngakane. E re ke betsegele gae go kopa thuso. (A wela tselana ya dikgomo go leba motseng)?
Mponeng: Heelang bathong! Motho yo ke ngwanake Thando (Ba atlana)?
thando: (Ka lenyatso.) Owaii! O ithaya o re o tshosa mang?
gabatshwane: (Ka go rotola matlho). Tswelela ngwanaka.
Lesope : Mosimane mo motseng wa Tsitsing.
"O laetse jalo".
kgatuRe: Ke toro ya ga Ntaoleng. Gangwe le gape o ne a tlela Thando, segolo fa motho o ne o re o tla thuba kobo segole. Fa a setse a ka gakologelwa toro, o ne o ka se tlhole o dira sepe ka ene.
bantoMo: Ke a go leboga rra. Kgwedi e e tlang re tshwanetse ra bo re keteka moletlo wa lenyalo. Ke tshepa go tla bogela yo o sebete.
thando: Ke ntse ke lebala go go loma tsebe tsala. (A tswa mo metsing).
ngakane: Mogalammakapaa! Tlhang e kete o tla inkitimetsa ka thoto ya mafoko morwarre. Nta ke go neele sebaka o phunye boladu mmutlwa o kgone go photsegela ntle.
thando: Ke lebogela dikakanyo tsa lona. Ke bona ruri lo nthatela bontle. Ba a tlhokwa ba ba tshwanang le lona. Ke lo tshepisa gore ke tla ititaya sehuba. Ke tla dirisa maano a lorato go tswapetsa rraabo.
gabatshwane: Re ka go thusa ka eng Le gona rre ke mang?
Kwa ntlong ya ga Rasebintsolo. Ke nako ya go robala. Ngakane o rapaletse mo sofeng.
(Ke nako ya masome a mararo go tswa ureng ya borobongwe. Kwa ga Senkepeng go goroga Thando le mogatse. Senkepeng o na le tsala ya gagwe, ba thubile kobo segole).
Go nna mosupatsela go barutwa fa ba dira tiro ya tshekatsheko ka bobona, go buisa le go tlhaloganya dipotso mmogo le go araba ntle le go sutlha sekgwa.
bantlhoile: Ka re ruri malatsing a gompieno jaana, dilo di thata e le ruri. Motho o sotlakwa ke ngwana, bagolo ba ntse ba lebile.
thando: Ee, go ntse fela jalo. (Kgature o goroga kwa ga Senkepeng ka selailai sa mmala wa botala jwa loapi).
thando: (Ka ditlhong.) Dumela, rre.
tsholofelo: Ke etla Ausi Thando. (A tshwara berebere, lebati la pheuga).
monnao. Le fa go tweng tota!
thando: Monna yole o ne a nthata ka pelo ya gagwe yotlhe fela. Motho wa boraro e ntse molotlhanyi.
Thando o reile Mponeng a re a se ke a ntsha mosi ka sekhurumelo fa a bua le Ntaoleng le mogatse, ke mosi wa eng?
gabatshwane: Ga re itse banaka. Ke tla utlwa mo go lona morago ga malatsi. Tota ga ke rate fa a ka tloga a ithaya a re kgang e, e tswa mo go nna le rraalona. (Ba a kgaogana).
RaMoepa: Ke a bona o a tsenwa mosimane yole. O tlhoka kwa a ka pitikelang teng?
ntaoleng: Nna ke rraago, yo ke mmaago (A supa ka monwana). Yo ke ngwana wa rona, ngwetsi e re e ratang jaaka re ithata. Ga re batle go mmona a tlhoname re sa ntse re tshela. Ka bokhutshwane, tlhalosa tiragalo ya maabane bosigo.
tsholofelo: Owaii! O itshokodisetsa eng tota Ausi Thando o mmontshitse gore ena ga go bonolo go mo fetola mogopolo. A ineele. Se nkganang se nthola morwalo?
ntaoleng: (Ka go beta sebete). Ngwanaka, ngwetsi ya me. Marama a hupile bodila. Mpuru o faretswe fa go le jaana. Rre yole wa moeng o tla ka matlhotlhapelo. O ntheetse ka tsebe tse pedi ngwanaka. O godile ngwanaka.
ntaoleng: Owaii! Wena o ipuela ditsiabadimo fela. (O tswela kwa ntle).
gabatshwane: O raya jang ngwanaka?
gabatshwane: Ga go na madi a re a tsayang. Lo a busetse batshi ba ona. Lo ba tlhalosetse fa go retetse.
ngakane: (O gadimisetsa tlhogo ka fa le ka fa). Kgaitsadi, O intshwarele tuu! Ke bakile e le ruri. Thapo ga se molekane wa motho.
senkepeng: Dumela tlhe tsala ya motho.
thando: Ke go utlwile mma. Nta ke lo direle mogodungwana. Ke tlile ke lo reketse "ditšhipisi" le tlhapi.
ngakane: Motlholo ke yoo betshong. Nna ke tsere tshwetso ya go itekanya morwalo, le gona poela e a bolaya.
senkepeng: Tsala, ruri re go itumeletse. O phuthologe tsala. O dire se o se batlang ntle le letswalo lepe.
Fa a re 'monna yole', o timeletswe ke eng?
Jonase: Betshong. Ke kopile tshwarelo. Ke batla go lo tlhaga thuso.
thando: Mme o ne a reng?
Jonase: Dumelang bagolo! (O ba naya seatla ka bongwe ka bongwe a ntse a kobela tlase).
ntaoleng: (A simolola go baba lebadi). E le gore jaanong fa o bewa ke eng rra?
thando: Rratsale Ntaoleng, o tlogile a ntse a mpolelela gore leina la ngwana e nne Ikgomotseng. O ne a kopa gape gore ke busetse ngwana gaeng la gagwe. Ke ngwana yo ba neng ba gopotse go ikgomotsa ka ene. E rile go retela re mo amoga. Lorato la ga rre Ntaoleng mo go nna e ne e se la go ipateletsa. E ne e le la mmatota.
nkeMeleng: Bogale jwa kgang ena bo gaisa bogale jwa semane. Bothata jwa yona bo gaisa jwa lerapo la momo wa kgomo ya motsofe.
RaMoepa: E le gore Kgature o lemogile jang?
thando: Heela, tsala! Ka tla ka tlholelwa ke batho ke sa nagana.
thando: Rre o raya jang jaanong?
thando: Tlhang e kete o mmakaletse Ke eng e kete o tla ntshosa jaana?
Mponeng: Ga se nnete. Re lo tliseditse ona, mme lona lo gana go a tsaya. Ke lona lo ka re senyang leina mo bathong. Ba tsena mo koloing. Ya thuntsha lerole go leba Kopmane.
(Go mo mosong wa letsatsi la Mosupologo, kwa ga Ntaoleng. Thando o laelana le ba losika la ga Ntaoleng morago ga letsatsi la phitlho).
nkeMeleng: (Ka go tenega). Heela, mosadi! Lapa le, la ga Bantomo e seng Ntaoleng. Ntaoleng yoo wa teng o itshwetse e seng rona.
senkepeng: (A letsa mogala). Hallow rra! Ehe! Ke wena Kgature. Ke nna Senkepeng. Ee, o se lebale go tla ka nako. Motho yole o gorogile. (O a tshega). O tla tla o iponna ka a gago matlho. Ke (O a tshega). O re tlele tse di monate, sala sentle (O baya mogala)?
thando: Ga a tshwenye. Re tla nna basadi ba gagwe bobeding ba rona.
Lereo "maikwatlhao" le raya goreng A ditiragalo tsa terama e di maleba mo setlhogong se Anela ka botlalo bomaleba jwa sona?
setonti: Tsena Mokwena yo mogolo.
setonti: O nna le ene jang?
Rasebintsolo: Go siame mogatsaka. Phuthologa kana ke rile photi tlaya o je letlhodi.
Modimo: Re a leboga fa lo tlile go re phimola dikeledi. Keledi ya rona e ile godimo. Re tota re latlhegetswe ke letlhogela. Fela ka e le thato ya ga Rara re a gomotsega. E re lo sena go itsokotsa diatla, lo emeng go na le lenathwana. Sejo sennye ga se fete molomo Ba a phatlhalala.
(Kwa ga ga Ntaoleng ka nako ya borobongwe mo mosong wa Labobedi. Go goroga Jonase, letwadi la gagwe le bekenya jaaka phologolo e latswitswe ke tlhware. Ntaoleng, Gabatshwane le Setonti ba iketlile ka go ja kabu).
ngakane: Lo tlile go kopanela kwa mebileng. E seng fa ga abuti.
gabatshwane: Lo se lebale, ngwetsi ke ya rona. Ga se kgomo ya mafisa...
thando: Mme le ntate.
kgatuRe: O tlile go a bona kwa o a ithutileng teng.
thando: Ke a bona o tlhoka kwa o ka tshamekelang teng. (Ka go tenega).
kgatuRe: Wa reng Ka pele jaana! O tshwanetse wa bo o e loba. Ke a belaela. Kgotsa e na le sephiri?
tsholofelo: Fa e se mokgwa ke malao. Motse re feta wa balala wa baruakgomo re tsena ka ona.
RaMoepa: (A mo tsena ganong). Rra wee, ke eletsa fa o ka tlogela go nna bofitlha. Ga ke go tlhaloganye sentle rra.
senkepeng: (Ka go nyeba) Ao, tlhe! O rata gore batho ba nje ka dinala. Ka nna o eme pele tuu!
senkepeng: Maano ga a site (O mo supetsa ditokana tse pedi tse di ntse di kgwageditswe).
(Mo ntlong ya ga Ntaoleng ka nako ya maitiso, Ngakane o tshwaraganetse kgang le batsadi ba gagwe).
ntaoleng: Ke batla gore lo itse fa go se kitla go tsena gopane kgotsa lekgalagadi mo lelapeng le la ngwanake. Ke tlile go ja motho ka boloto jwa selepe. Lo nkutlwe ke bua fa ke riana.
kgatuRe: Dumela, morwarre Senkepeng!
ntaoleng: O opile kgomo lonaka mmaaabo, ga re a tshwanela go bofaganya loleme la ngwetsi ya rona. Marara a botshelo, a batla motho a fodile mogopolo go a rarolola. O se ka wa iphitlhela o apeetse thukhwi le mala.
thando: Ke tshwanelo mma fa lo ntse lo nkgopola. Mma! Yo ke tsala ya me Senkepeng. O nna kwa maphatsiphatsing a lokeišene la Geelhout Park.
thando: (Ntle le ditlhong dipe) Malome o re go mpona fa, ke gona fa ke tlile gae!
thando: Ke a go tshwara jaanong. O ka tswelela pele ka kgang.
thando: (Ntle le go dikadika.) Jaaka ke kaile malome.
Bantomo a re Ikgomotseng o ba thobetse. O raya jang?
A gona o thobile Tlhalosa A o ke o ntswele ka nnete yotlhe fela. Mphe boteng jwa ga Thando...?
Molaetsa: Thuto ya mokwadi ka setlhangwa sa gagwe.
Jonase: Motho wa batho dumela (O mo naya seatla) Phuthologa mme o tseye manno ke a (O supa setilo se se fa pele ga gagwe).
RaMoepa: Kgang e lo e buang, e ntle mme e popota e le ruri. Ngwana ke wa rona mme tota ga a mo thatong ya rona. Kwa a ileng teng o ne a ile ka dikgomo.
gabatshwane: O nepile rraabo. Tiego e tsala tatlhego. E kete re tloga re thanya lomapo lo le tsebeng.
thando: Bathong, lo tsogile jang?
Jonase: Fa ke bua jaana o beilwe mo ntlong tsididi ya ditopo.
Ke tlolomolao go gatisa le fa e le nngwe ya ditsebe go tswa mobukeng e ntle le tetla ya bagatisi ba yona.
thando: Kana ke tla bo ke godisa motho, mme go twe ke monna. A metlholo ruri.
ngakane: Ke raya wena le thoto ka kakaretso.
thando: Kwa go mang?
gabatshwane: O tshaba go lelela godimo, O suma fela.
senyaka: Fa o ka baya mogopolo mo go seo, o tla tsoga o ja maswe a thaka tsa gago. Ethimola monna. Bosa bo sele.
ntaoleng: Go siame ngwanaka. O ngwana o a rerwa. Mphe sebaka go ya go bona bagaeno bosele.
Lemorago: Maitshetlego/tikologo le nako ya ditiragalo.
senkepeng: Tsala, tlogela go ratharatha, phokoje go tshela yo o dithetsenyana.
tsalong go ya losong, le fa a sa ntse a tshela.
RaMoepa: (O ntsha sekgwama. O se baya fa pele ga dinao tsa gagwe). Rre Ntaoleng le mme Gabatshwane. Re boile re ikgatile motlhala. Re tlile jaana re latetse motlhala wa ga rre Bantomo le mogatse.
bantoMo: O bua nnete ngwanaka. Motho o itsiwe ke motho wa gagwe. Phuthologo e ntse e ngotlega hubeng sa ga Thando. Ke mo etse tlhoko makgetlo a a mmalwa.
thando: Owaii! Sepe fela. Ba tsere mo go ene. Ga ba ise ba itshwenye le go isa molaetsa kwa gae.
Fa Thando a boela gaabo, Ramoepa o ne a mo rotloetsa go boela kwa ga Ntaoleng.
thando: Dumela nnake Ngakane.
RaMoepa: Bagetshong! Ke nako ya gore ke reme ka selepe. Palagabedi e sita palagangwe. Fa ke lo kgaola monwana lo ipege e tle e re ka moso ke lela lo mphimole dikeledi.
ngakane: (Ka ditlhong). Kana go raya gore fa Thando a gana ke mo nyala, o tlile go swelela mo dithotong tsa ga nkgonne.
setonti: Phuthego e ntle ya Morena, go diragetse go diragetse. Re tsere sebaka go dumela se re se tletseng fano. Thato ya Modimo ga go yo o ka emang kgatlhanong nayo. Re ne re solofetse go le go ntsi mo lekawaneng le. Ke motlogolo wa me.
RaMoepa: (O bua ba ntse ba tswa ka kgoro). E seng wa me ngwana. (Ba a tswa).
kgatuRe: Thando ga a bue nnete. Go na le sengwe se se sa phuthololang pelo ya ga Thando. O hupile bodila bongwe ka marama.
ngakane: Fa o bua jalo, go raya gore le nna ke na le tshiamelo ya go tsaya tse e neng e le tsa ga nkgonne tota ntle le kgoreletso ya motswakwa.
Leseanyana le Thando a neng a le imile le ne le se na rra lona go fitlha a kopana le Kgature.
bantoMo: Se tshwenyege rra. Moselwa wa pula o baakangwa go sa le gale. Mo go rona tsotlhe di ntse motwenene. Kgetse ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa. Re itlama go tloga gompieno go nna ngata e le nngwe le lona.
thando: (Ka botiumelo) Ntate, ke tlhoka mafoko a go leboga. Ke ne ke ka a dirisa otlhe fela.
Ntaoleng fa a naya Thando leina la ngwana o ne a le kae?
Ngwana wa gagwe yo a yang go kopana le ene ke mang?
thando: O ne o reng rraabo?
Jonase: Hei! E kete ga le a ntlhabela. Ke bona ke ile go boa ka ngoba e sa fotlhwa. (O bua a le esi).
thando: (Ka phuthulogo ya sefatlhego) Rra wee! O ntsentse mo sekgoropeng. Tshimologong o buile ka MMF jaanong o nkokeletsa ka MVA.
Rasebintsolo: (Ntle le go senya nako, a mo atla). Heela mmaabo! Fa ke leng fa, pelo ya me e kibakiba jaaka kgankgathi e dirwa ke meroba kikeng. O ka re ke ka tsaya fatlhego sa gago ka se lakaila jaaka tlhware e a tle e dire fa e tshokile e nopotse nngwe ya diphologotswana. Ruri ke ikutlwa ke le motlotlo ka wena.
senkepeng: O bua nnete tsala. O nne bonolo jaaka kwana. O ikobe ka dinako tsotlhe. Gangwe le gape o nne o tsirole lefoko ka bongwe ka bongwe. Lefoko ga le boe (Morago ga go lalela ba tsena ka diphaposi go latsa tlhogo).
Ngakane le Thando ba ne ba na le sephiri, ke se fe?
Kgotlhang/Bothata/Selwelwa Kgotlhang/Bothata ke ntwa, ngangisano e e nnang teng fa gare ga badiragatsi. Kgotlhang e mela mo Morerong. Yona e ka nna fa gare ga badiragatsi ba terama jaana: Motho le motho Motho le batho Batho le batho Motho le tikologo Motho le maikutlo a gagwe.
setonti: Nna lo a mmakatsa. Re lo neile dikgomo lwa re naya ngwana. Gompieno lo re tlhanogetse.
Ke mang yo o batlang boteng jwa ga Thando yo?
Mponeng: Ga ke bone tsela ya rona e rapeletswe. E kete re ya go boa ka tsupamolomo.
bantlhoile: Tsala, re phetse rotlhe fela.
thando: (Morago ga go go baya poleite ya mofokotso wa mabele). Tsholofelo, le wena kgaitsadi Ngakane, ke wela tsela go leba Paardekraal. Bagolo ba lo ntseng le rona ka dinako tsotlhe ke a leboga mme e bile ke a lo laela. Kwa ke yang ba nkemetse.
RaMoepa: Mmaabo! Lesa bana ba wele tsela. Wena Thando ngwanaka baya pelo! O seka wa boifa sepe. (Thando le Senkepeng ba tsena mo koloing. Mabati a tswalwa).
thando: Nnyaya, e seng jaaka o nagana! Ke ne ke tsiboga fela. Ke repile fa o mpona ke riana. Keledi ya me e rothile ya ba ya nolofatsa pelo ya me. Ngwanake o nthobile marapo, go fitlha ke ineela.
kgatuRe: (Ka boingotlo.) Bagolo ba me, le wena mmaetsho ke leboga go menagane. Tota ga se ka lenyatso.
thando: (O inama go tsaya morwalo wa gagwe.) Tsala, re tla kopana. Thekisi ke eo e e tla.
ngakane: Ke ithaya ke re ke godile. Jaanong ke ne ke lemosa Thando gore keletso ya me ke go tlhokomela tsotlhe tse e leng tsa ga nkgonne. Ke mo itsisitse gore ke rata fa ke ka ya seyantlo sa ga nkgonne.
thando: Ke tlhwaile tsebe tsala.
thando: Bomenomasweu polaya e tshega bona o ba tlogelelang Kana batho ke bao ba rutilwe go ntsha 'ino la motlhagare ntswa e le go itimokanya?
thando: Bagolo ba me, ba ba tlotlegang yo ke tsala ya me ya tlhogo ya kgomo. Re ntshana seinong bosigo le motshegare. Lo se tshwenyege ka ene. O itse tsotlhe tsa me.
MoRuti isang: O buisa temana ya ga Johane 11:25-26.
ntaoleng: Go siame ngwanaka. Motlhala re o setse. Nte a tle, a tle a kgone go itlhalosa. Mmaabo, wena o di bona jang?
thando: Ga ke re ga twe. Ija! O nthubile lepetleke.
gabatshwane: Ngwanaka ke eng (Ka go tsiboga)?
thando: Mathata a botshelo, masaitsiweng! Ke ne ka patelesega go tsaya malatsi a le mmalwa...
thando: (Ka ditlhong). A re ke ise ngwana kwa gaabo Rasebintsolo. (O tsena ka ntlo).
nkeMeleng: (A ntse a rothisa keledi.) Wena rraabo, tsamaya o ye go itsese boSetonti le ba losika. Re tla sala re phutha ngwana.
bantlhoile: Heelang, tsala motho yo ke wena.
thando: Ema pele tlhe mogatsaka. Go sale bosigo, re tla tlotla bosele tuu!.
thando: (Ka letshogo). Ke go reeditse rra.
thando: Ya re e le nako ya go latsa tlhogo, a tshokane a iphetlha. A iphetola Rasebintsolo. A inaya phaposi ya ga mogolowe.
thando: Heela, mma! Motho yole ke noga ya bofelo. O thubile malapa ka bontsi. Ke ene a neileng Kgature kgang yotlhe fela. Motho yole o tshwana le leobu. Ga a na mmala wa nnete Ke sefelekwane.
(Kwa Tlhabane beke morago ga lenyalo, go mo mosong wa nako tsa ura ya lesome. Kgature o na le mogatse Thando).
Mponeng: Ba ga Ntaoleng, re a lo kopa se kateleng bana disuga ganong. A re se keng ra lela selelo sa baipolai.
Mponeng: Dumela, ngwanaka! Ruri ke letse ke bua ka wena. Ke ne ke sa itse fa o tla re jela nala gompieno.
tsholofelo: Bua tlhe Lesope! Ke eng?
RaMoepa: Le fa tota ke rerile ngwana ke le esi, ke kopa gore lona ba ga Bantomo lo itse fa re tota re apeela thukhwi le mala, mme fela ga gona ka mokgwa o mongwe.
thando: A ke ona otlhe rra?
thando: (O tlolela ka kgoro. Matlho a gagwe a palela mo lefatsheng.) Bana ba ga rre Ntaoleng le mme Gabatshwane dumelang!
thando: Nnyaya rre.
Jonase: Kwa "Police Station" ya Rustenburg.
Ijoo, ngwanake! Ga twe ke wa ga mang ruri (Ba tswa ka lebelo)?
ngakane: Ausi Thando. O nkutlwe o nkutlwisise. Lelapa le la ga nkgonne, ga ke batle le tlhonama. Ga ke batle fa o ka jewa ke bodutu ke ntse ke le teng.
ngakane: (A emisa go metsa. A rotola matlho). Ke tlhwaile tsebe, thaka. A re utlwe.
thando: Wa re eng Rasebintsolo wa me?
RaMoepa: A jaanong o itlhobogile?
ntaoleng: (A itshwara mo seledung). Ahee! Jaanong sephiri se tswetse mo pepeneneng. Jaaka fela lo kgonne go utlwanela bogotswana joo, ga ke tlhole ke tla reetsa maipato ape. Mmaabo! Masaitsiweng ke ao.
RaMoepo: Goroga ngwanaka. Tsebe gaufi e a ikutlwela. Goroga ka phuthologo. Ga o a latlhega. O mo phophotha legetla.
Jonase: Ka go fela pelo.
thando: (A araba ka go thikitha tlhogo).
Mponeng: Boela morago. Re tla go bitsa fa re tsamaya. (Koloi ya ga Senkepeng ya tsetlela fa kgorong).
bantoMo: Nnaare tota yole a re o timeletswe ke eng?
(Kwa ga Ntaoleng mo Tsitsing. Ke nako ya masome a mararo go tswa ureng ya lesome. Go goroga Nkemeleng le mogatse).
thando: Dumela tsala ya me ya botlhokwa. (Ba atlana).
Mponeng: Rraabo, tlhwaya tsebe, mafoko ke a.
Jonase: (Ka go tsalanya matlho le lefatshe). O bone kotsi ya koloi.
gabatshwane: Heela ngwanake Thando! Tlaya o dumedise batsadi ke ba.
kgatuRe: (A inamisetsa tlhogo mo go ene). Didimala mothonyana wa me. Tlogela go sisa pelo ke sa ntse ke tshela. Boloka dikeledi tseo ratu!
thando: Nnyaya mma, ga go sepe se se tshosang, fa e se dimakatso fela. (O rothisa keledi).
senkepeng: Nnaare beng ba lapa ba kae Thando?
All rights reserved.
Mponeng: Go khutshwafatsa kgang, nna ke na le monagano wa gore, re phunyeng tlhagala. Fa boladu bo ka re tlala diatleng re tla pateletsega go bo dubeletsa.
thando: (O tswa mo ntlong le mogatse). Tsholofelo, a re weleng tsela. (Ba tswa ka koloi).
Tsa Botshelo: Kobelo Stephen Naledi o belegetswe mo motseng wa Dwarsberg. Ke setlogolwana sa ga Makopye. O ntse boagi jwa Mogwase ka 1985 mo 1477 Unit 4 Tontosi Drive.
RaMoepa: (Ka go makala.) Ao, tlhe ngwanaka! O direla eng jalo O tlhoka eng kwa go ene Kana ba ile go re ja ditshego..?
senkepeng: Jaanong thulano ya lona e simolotswe ke eng?
Ralekwatiti: (A bula mo Beibeleng lokwalo la ga Johane 18 temana 28 - 30. A buisetsa kwa godimo). 28 'Morago ga moo, ka Jeso a itse gore tsotlhe di setse di weditswe gore lokwalo lo dirafadiwe gotlhe a re; "Ke nyorilwe." 29 ´Mme jaanong ga bo go le nkgwana e e tletseng motatsa, a ba a ina ngami mo motatseng, ba e tlhomela thupeng ya mosiama, ba e tsholeletsa kwa molomong wa gagwe. 30 Ya re Jeso a sena go amogela motatsa a re; "Go weditswe". A bo a oba tlhogo, a neela mowa. Amen.
lesope: (O tlhaga a hemelwa. A tlolela ka kgoro.) Heela Ausi Tsholo! Sianela kwano! (O iphimola sethitho.) Ausi, baya dijo fa fatshe tuu!
O ne a akanya go dira eng ka mmuisiwa?
ntaoleng: Ka fa o nyetswe la bobedi, o itse bothata bo etla. Wena o ka se bo bone. Ke utlwa ke go utlwela botlhoko. Ga ke batle go tsamaya ke sa go laela. E tloga e nna gore ke go latlhile.
Mafoko a a gore o ya go kopana le ngwana wa gagwe a kaya goreng?
bantoMo: (O naya ditebogo).
Goreng Gabatshwane a ne a sa batle gore go itsewe ka maiteko a ga Ngakane a go ikaletsa?
ntaoleng: Tsela ya me e bulegile. Kwa ke tswang teng go motsila. Ke gaufi le go kopana le ngwanake. E rile pele a ka re tlogela, a nkitsese fa setlogolwana se le mo tseleng. E re ka wena o ithufutse, o buse madi a rona. Re mmatla fa. Monnamogolo a sekama. A se tlhole a lebaleba. Gabatshwane a mo tswala matlho.
Setlhoa: Kgato ya poloto ya terama e mo go yona badiragatsi ba laolwang ke maikutlo/Tshisibalo.
MoRuti isang: E re ka go kgatlile Modimo Mothatayotlhe, e le yo mogolo wa botshelo le wa loso, go itseela mowa wa yo o fedileng, le go o tsosa mo lefatsheng: Ke gone re bayang setopo sa gagwe mo phuphung, lerole leroleng, re ntse re itse ka tlhomamo go re fa motlaagana wa rona wa selefatshe o rutlologa, re na le kago kwa magodimong, ntlo ya tlhomamo ka bosakhutleng. Phuthego le balosika ba tshela mmu yo ba o gelelang mo garaweng ka diatla. Morago tshelelo ya lebitla ya dirwa.
setonti: Nnyaya sebare. Mo neele nako a re tlhalosetse pele.
kgatuRe: Dumela kgaitsadi!
gabatshwane: Nnyaya rra. Lo ka se timele. Motlhala wa motho ke molomo.
Mosadi wa khumo, kwa a yang teng o tlile go thanya lomapo lo le tsebeng. Lefatshe leno la rona, ga le a robala. Mebitlwa ya lona e tshwana le ya noko. O tsoga o retelelwa ke go itlhomola wa tloga wa tlhomola pelo.
ngakane: O tla nkgopola tsatsi le penne. O tla ntelela ntle le pateletso ya ga ope.
thando: Ke kopa go ya go tlhola rre Setonti.
bantoMo: Ke a leboga. Kobo e sugwa ke mong wa yona. Sengwe gape ke gore, Lorwaneng go tseneng go tsenelwa gongwe. Fa lo re bona fa, re motlhaleng wa kgarejwana e ipitsang Thando. Ngwana wa rona, ene o bitswa Kgature.
thando: Nna ruri ga ke itse fa botshelo bo ka batlwa ka mokgwa o, fela le ga le...
setonti: (Ka go makala.) Wa rialo!
nkeMeleng: Nna ke gakgamatswa ke moso mongwe le mongwe. Ngwetsi ya rona e tsoga e bifetswe. Ke ne ke setse ke belaela fa gongwe Kgature a sa mo robatse sentle.
Jonase: Nnyaya rra, e seng jalo, fela lefapha la sepodisi le tshwaragane le la rona thata. Sejanaga sengwe le sengwe se se tlhagisetsang mong kgotsa bapalami kotsi, se tshwanelwa go begwa mo go rona pele. Ke seo se mpeileng fano. Tota go leba nnete matlhong, ke rona re rulaganyetsang bagobadi dituelo tsa bona.
kgatuRe: Owaii! Moeng wa eng Nna ke mong gae. (O a tshega)?
thando: (A tsaya setilo go nna.) Bagolo ba me, ke ka maswabi go bo lo mpona fa.
ntaoleng: Tsena. Ehe ke wena Thando, ngwanaka!
phuthego: Tsweletso ya sefela.
thando: (O pheula lebati a bo a ikgorosa) Dumela Rra!
thando: Fela jalo. Tota puo ya ga rre Ntaoleng ga e batle phetolo. Ka metlha o tla mo go nna a galefile. Ga ke itse tota gore ke wa ga mang?
bantoMo: Nna ga ke bone lebaka la go ema mabaka a ngwana kwa pele. Ba tloga ba mo fifaletsa ditsela.
kgatuRe: (O tsena ka phaposi e nngwe ya borobalo). O robale sentle motho wa batho. O dire gore o se ke wa selwa. O tsoge o phutha dipurugwana tsa gago. O tla batla mongwe go go isa gae. Fa ele ka nnna o lebale tuu!. (A ikurumetsa ka kobo).
(Kwa gaabo Kgature go bosigo Thando ga a kgone go robala ka ntlha ya ngwana go sa robaleng).
Ralekwatiti: (O tshotse mmu ka seatla.) Jaaka go kgatlhile Ramasedi, gore yo o belegweng ke motho wa nama pheletsong o tla felela mmung ka jalo, ka o le mmu, boela mmung, molora moloreng. Eo, ke thata le go rata ga mmopi wa rona. A men.
RaMoepa: (Ka go swaba.) Ngwanaka, lebala ka tseo tuu! Kana re ile go tshegwa ke batho e sita le dintsi tota.
ntaoleng: Ke go utlwile sebare. Nte ke golole rre yole wa batho (O tswela kwa ntle). Rre wa moeng, re lebogile le fa tota go se seo re ka se lebogelang. Molaetsa re o utlwile. O thibetswe ke eng go re etelela Mo sebakeng sena, ga go mo ke ka go aketsang ka teng. O a iponna gore mpuru o faretswe. O tla re inela matsogo metsing motho wa batho?
lesope: Ke mo tlogetse a ntse a kgaratlha. Fa re ka taboga re ka kgona go mo thusa. Lo se lebale thipa go kgaola thapo.
nkeMeleng: Dumelang, bagaetsho!
kgatuRe: (Ka go fela pelo). Thando!
Badiragatsi/batshameki Batho ba ba diragatsang ba tsweletsa ditiragalo tsa terama ke badiragatsi. Ga ba anele mme ba diragatsa ka ditiro le mmuisano. Makoko a badiragatsi Mogapatiro (molwantshiwa) -Mokganatiro (molwantshi) Baemanokeng -baemanokeng Motsenagare/Molotlhanyi (motlhotlheletsi) Mogapatiro ke modiragatsimogolo yo o nang le bothata, yo o ngongoregang, yo o tshwenngwang. Mokganatiro ke moemakgatlhanong, o baka bothata, o tshwenya mogapatiro. Bobedi jo ke jone bo kampanang, bo gotlhanang. Matsapa otlhe a ba a tsayang ke maiteko a go rarabolola kgotlhang mme kwa bokhutlhong mongwe o tla fenya. Mogapatiro le Mokganatiro ba na le baemanokeng ba ba ba rotloetsang ka dikgakololo. Motsenagare/Molotlhanyi ke modiragatsi yo o amanang le makoko a mabedi. A ka nna molotlhanyi kgotsa moagisi. Kagego ya modiragatsi Modiragatsi o na le ka mokgwa o a agilweng ka ona ke mokwadi. O agiwa a newa semelo se se tla mo kgontshang go diragatsa le go tsaya karolo e a e abetsweng.
Mponeng: Nnyaya, ga go sepe. Ke ne ke re a gogele mosese tlase.
bantlhoile: O a bonala. Ga a bontshe a ikgalala. Motho o a mmona fa a iketlile mo monaganong.
Tsa sekolo: O dirile dithuto tsa poraemari mo Kgolane Primary. Thuto tsa Secondary kwa Herman Thebe High School. Lokwalo la J.C. kwa Rakoko High school ka 1975. Lokwalo la Materiki (STD 10). O le dirile poraefete mo Seiphore ABET centre mo Moruleng.
thando: O buile nnete e e senang bana ba phefo e le ruri. Rra, ke nna Thando yo o neng o bua nae ka mogala. Ke gopotse gore pilediwa e a lwelwa.
tsholofelo: Dumela mma, ke boile.
kgatuRe: (O bua ale esi) Ruri ka rre a ntsetse ke nnete fa go twe Modimo ga o fe ka letsogo. Thando ke mosadi tota. O montle, o diatla. Tota o dilo tsotlhe mo go nna. Ga ke kitla ke bula molomo. (O tsena ka phaposi ya go tlhapela go mo tlhapisa ka fa morago).
kgatuRe: Tlhang ekete o setse o baba lobadi?
gabatshwane: (A ntse a lela) Thando, ngwanaka! Tsamaya o ye go bitsa kgaitsadiake Setonti. (Thando o tswa a tabogile.
Ke mang yo o neng a bua mafoko a?
Mponeng: Tota lo re tshoganyeditse. Lo tlile go re tima nako ya go ikgafetsa.
ntaoleng: Bagaetsho ba ga Ramoepa, A ke bue jaana ke re, kwa re yang go monamo, re tshwanelwa ke go le kokona ka marinini rotlhe fela.
tsholofelo: (O a mo goeletsa.) Tsamaya, o bona o sotlilwe ke lefatshe.
ntaoleng: Ngwanaka, fa o le tsebe ntlha, o tshwanetse o be o utlwile mafoko a ga mmaago fano. Ya rona tsela e khutshwanyane. Tsa lefatshe di re lekile, bontsi di iteile kwa ntle. Bophelo jwa motho ga se jwa gagwe jaaka a ka gopola. O ka se ele tlhoko gore bangwe ba ikana go bo ferekanya.
setonti: Dikgakamatso! Thando ke yo a re o boile. A re o gopotse ntlo ya gagwe.
ngakane: (Ka go thikitha tlhogo.) Le nna fa ke riana ke eme menomakitla.
tsholofelo: Heela, abuti Ngakane! Tswela kwano o bone.
ntaoleng: E le fa go senyegile eng?
Mponeng: Dira ka bonako.
(Ke motshegare wa Lamatlhatso. Lesope o tsamaya mo sekgweng se se kgakajana le motse. O feta ka fa tlase ga setlhare se segolo sa mosetlha).
senkepeng: Tota nna ga ke bone se se ka pateletsang Thando go itia ka go belega motho go twe ke monna.
(Go Lamatlhatso kwa mabitleng a Tsitsing. Tirelo ya phitlho e tsweletse. Moruti Ralekwatiti o tshwere tirelo).
gabatshwane: Jaanong (Ka tlalelo)?
Tsa bokwadi: Bokwadi mo go ene ke jwa tsalo e seng go tswa thutegong.
RaMoepa: Motlhala re o neilwe ke beng ba ona. Mfataphufo ya gaabo ga a swe lentswe.
thando: Bagolo ba me ba ba tlotlegang, ke a lo rata, lo a nthata. Ga ke bone fa go tla nna le serurubele seo se ka fofelang dintshing go mphatlha. Lo mphile bothitho le namatshego. Modimo yo ke sa o direleng sepe o nthuse, ke lo phelele.
thando: Tseo di lebale malome. Lenyalo la me le sentswe ke toro ya ga Ratswale. O ne a mpatla fa lapeng la gagwe mo ntlong ya ga Rasebintsolo.
thando: Nnyaya, ke a gana e seng jalo. Ke na le tshiamelo ya go ikgethela se se tla nnayang tokologo e e lokologileng.
senkepeng: Jaanong o ikaeletse go dira eng?
thando: Fela jaaka o bona matshwititshwiti a, go na le dintsho tse pedi. Re fitlhile rre, jaanong mme ke gone a begwang. Ke kopa fa o ka nnaya sebaka sa go ba boloka tuu!
setonti: (Ka go makala). Mogalammakapaa! Lo rekisitse ngwetsi ya rona?
A Senkepeng ke tsala ya boammaaruri kgotsa nyaa Tshegetsa karabo ya gago ka mabaka a a utlwalang o totile botshelo jwa ga Senkepeng le Thando?
gabatshwane: Rona tota re mo digakgamalong. Batho ba motlhala o lo buang ka ona, re ntshitse ka nngoba e sa fotlhwa. Go tlile jang gore ba se ka ba itlholboga?
Jonase: Nyaya mma! A a saletseng morago, a tlile go duelwa ka bonnyane go fitlha a felela.
Rasebintsolo: Le nna ke a leboga, fela nna ga ke a tla go nna. Ke tshwanelwa ke go sianela gongwe. (O a emelela).
thando: Tsamaya sentle. O nne o ntse o nkgopotse. Le nna ga o katoge mo pelong ya me. Ba a kgaogana. Thando o boela mo lapeng. Koloi ya wela tsela.
kgatuRe: Fa e se mokgwa ke molao. Go rata le go sa rate ga go kitla go nna molemo ope. Leina la batsadi ke sekgongkgothela. Wena wa reng Thando?
ngakane: E kete o mo pelong ya me tsala. Ga ke na boikhutso mo moweng.
thando: Go ntse jalo rra. Ke utlwa go twe o a mpatla.
thando: Kana ke letse ke go kopile gore o nkise kwa ga Senkepeng. O nkopile thata go mo jela nala malatsi a mabedi. Ke rata ke tsena go sale mo mesong.
ntaoleng: Go bua puo phaa! Re a mo rata. Re ne re eletsa go mo nyadisa yo o latelang mogatse. Jaanong go a retela. Batsadi ba gagwe ba mina ka nko tse pedi.
tsholofelo: (A tsena ka phaposi ya batsadi). Dumelang rre le mme! Ausi Thando o rata go lo bona.
(Kwa gaabo Kgature. Morago ga dijo tsa dilalelo Kgature le Thando ba tsena ka ntlo. Ba goga ditilo go nna).
Diponagalo tsa terama Terama ke setlhangwa se se tlhametsweng go diragadiwa.
tlhasetswe ke ntaramane. Kana Ngakane a re o batla go ya seyantlo sa ga mogoloe. Ga a boe ka morago.
thando: Hei! Tsala. (Ka lethabo). Monate o ne wa tshameka ka go siana le methapo ya me. E rile fa ke tla re go senyegile, ke fa ke tla utlwa monyakaladi o tswa ka ditsebe.
thando: O se itshwenye ka tseo. Tse o di kayang ke mmantlwane a banyana, Nna ga di a ntekana. O ikopisa tlhogo fela.
thando: O bua nnete Kgature, fela ke go tlhaloseditse ka ga dikgateledi. Toro e e ntshwenyang ke ya ga rre Ntaoleng.
senyaka: (Morago ga go metsa). Tsala ya me Ngakane!
bantlhoile: Se rialo tsala!
thando: Rre Jonase, ke lebogile, segolo thata ke lebogela matsapa a lona. Ke tla dira fela jaaka o ntaetse. O sale sentle rra.
Mponeng: (Ka kgakgamalo.) Ehe!
bantoMo: Nnyaya, bagaetsho nteng ngwetsi e ntshe maikutlo a yona. Se mo tlaatlaetseng.
kgatuRe: Wa rialo tota! E le gore o a bone kae le gona jaang?
Ke tshedimosetso efe e mmui a e buileng le mmuisiwa ka letsatsi le, e re tla reng e ntse e le sephiri sa mmuisiwa?
Jonase: Nna ke morongwa fela. Bamolao ke bona ba la tlisang tlhaloso yotlhe fela. Nna ke tlile jaana go lo rulaganyetsa tsa dituelo tsa moswi tsa "Third Party".
(Kwa gaabo Kgature tsatsi e le Lamatlhatso nako ya lesome mo mosong. Batsadi ba ga Kgature ba biditse Thando le mogatse. Ba dikaganyeditse tafole).
phuthego: (Sefela sa phelegetso).
ntaoleng: Tota e le fa thai e batlang mo mothong wa letwadi jaana?
Jonase: (O mo supetsa lokwalo lo lo kwadilweng "Motor - Vehicle accidents compensation under the MMF act 93 of 1989:") Mma wee! Tsoga tlhe motho wa batho. A o ne o ka se bee tsebe go le gonnye?
gabatshwane: Tlhang lo re tima se lo se tshotlhang?
thando: Heela mma! O se ke wa ntsha mosi ka sekhurumelo.
senkepeng: O dirile ngwanyana. O ititeile sehuba.
senyaka: Thaka! A re ise marapo go beng. Bosigo ga bo rune nta. Dikgang ga di nke di fela, go fela motho. (A gonyetsa tlhogo teng ga mapai a mantshonyana).
thando: Ke tla direla ka bonako motho wa lorato lwa me (marama a binabina). (Ba namela koloi ya "Ford Siera". Ya pena mogatla go leba Tlhabane e e tlhabang).
Gabatshwane : Mosadi wa ga Ntaoleng, ke motho yo montle ka pogego.
ntaloeng: Seo re se kayang, ke kgakololo ya botsadi. Wena sa gago ke go itlhopela ditlhokwa go tswa mo morogong. Motho o ipaya ka diatla tsa gagwe.
gabatshwane: A tlheng ga o ganele gore o setse a go bonetse?
gabatshwane: (O a emelela). Betshong! Ga twe tsebe gaufi e a ikutlwela. Rre o buile. Ga ke batle go tloga ke e latswa bobe (A nna fa fatshe.
thando: Dumela Tsholo!
Ngakane a re o na le maikaelelo ka dithoto tsa ga Rasebintsolo, tlhagisa dithoto tseo.
kgonagala. A reye go ntseisa dilo. Ke phuthile tse di ntshwanetseng. Ke boela gae. Ke ya go ipaakanyetsa nyalo.
phuthego: (Sefela 313.) Ke mosepedi bophelong, mme ke ya kwa legodimong, kwa Jerusalema yo moša; O 'theilweng koo mading a kgolagano Golgoteng, kwa Jeso o re swetseng gona. Ke mosepedi bophelong, mme ke ya kwa legodimong.'
kgatuRe: Wa re dinyana Mo go nna e tlile go nna dikgolo?
Mo mosong wa tsatsi la Labone ka ura ya borobong. Thando o tsena kwa ga Ntaoleng motseng wa Tsitsing. O fitlhela Setonti a ntse le Ngakane le Tsholofelo mo mathuding a ntlo ya ga Rasebintsolo.
setonti: Bagaetshong botlhe fela, re a lo leboga. Re lo leboga jaaka lo ntse lo lela le rona fano. Marama a me a hupile botlhoko. Motheo wa kutlobotlhoko e, ke lorato lwa motsadi mo ngwetsing. Go tlhokile kutlwano gare ga ngwetsi le ba bogadi. Rre Ntaoleng e rile go utlwa botlhoko a tsenwa ke bolwetse jwa pelo. Jaanong ga se ena fela, mosadimogolo Gabatshwane o ganne go sala a le esi. Fa ke bua jaana o didimetse. Molaetsa ke gona o gorogang. Re kopa fa lo sa ntse lo ka re ema nokeng. Ke kopa re ye go busa dinao rotlhe fa lelapeng la batho ba. (Ba a phatlalala go tswa ka mabitla).
thando: Se ke dinyana fela, dikgolo di sa ntse ditla latela.
ntaoleng: Bonang botlhe fela fa. Nna ke weditse tema ya me. Ga go poopedi fa. Lapa le, la re nna wee.
Kwa Tlhabane moso e le wa tsatsi la Tshipi. Ka ura ya borataro Thando le mogatse ba tlogela ngwana mo dikobong. Ba nna le Bantomo le Nkemeleng fa ntle.
ntaoleng: Bona fa rra, bogologolotala ke dira Gauteng.
thando: (Ka go sa phuthologang.) O bewa ke eng fano Le gona o bontshitswe ke mang fa?
thando: (Ka setshegonyana). Dumela mma! Rre o kae?
kgatuRe: (A penya Senkepeng ka leitlho). Yo montle yo ene ke mang?
kgatuRe: O re go nkutlwa. O foo ke fano! Sa pele ke sa pele sa morago ke dithuthuntshwane.
gabatshwane: Botlhe fela fa, lo tsupeng molomo. Kana rraagwe fa a ka utlwela, bolwetse jwa pelo bo ka mo kubugela. A re weleng tsela jaaka e kete ga go a diragala sepe. (Ba wela tsela).
tsholofelo: (O sianela kwa ntlong go araba mogala). Hallow! Ke 614819 e, ke bua le mang Ehe! Ke tla ya go mmitsa (O tswela ntle). Ausi Thando o batlega mo mogaleng?
Ramoepa o ne a re Ngakane a se batlelwe mosadi Thando a le teng.
gabatshwane: Rraabo, dimakatso ke tseo!
thando: Ga ke itse, fela Modimo o teng.
kgatuRe: O dirwa ke eng O seke wa tlhola o robala o lebeletse kwa godimo. Ditoro tsa teng di tla ka bontsi?
thando: Ntate, kana ke tlogetse leruo leo le neng le ntebane. Ke batla go tlhola sekgethe sa me. Fa ke ka bona go retela, ke boela mo ntlong ya monna wa me.
bantoMo: (A ntsha sekgwama. Letsogo la tla le tshotse maswaswa). Bagaetsho! bonnyane jole ke jo.
Mponeng: Jaanong wena o ne o ngangela eng?
Kgotlhang/bothata/Selwelwa/ ngangisano: Ntwa ya badiragatsi mo terameng.
gabatshwane: Ba farologane. Yo mongwe o tlamega go ineela.
S.E.C. Secondary Education Certification: Vista University.
ntaoleng: Ema pele ngwanaka. Se eteletse keledi ngwanaka. A re utlwe se se tlisitseng kutlobotlhoko ya gago ngwanaka. Busa mogopolo o ntshe bothata jwa gago ka phuthologo. (Ka bonolo).
kgatuRe: Bua puo-phaa! Tlogela go hunyela jaaka khudu e bona sera. Ke fano go go thusa. Ke ikanne fa pele ga moruti gore ke tla go ema nokeng go le boitumelo kgotsa matha.
Go rarabolola le go senola maitemogelo a mokwadi mo terameng e "Maikotlhao" Seno se tla sedimosiwa bogolosegolo ke lokwalotshelo (bayokerafi) lwa gagwe gonne ka lona barutwa le barutabana mmogo ba tla tlhaloganya lebaka la gore a bo a kwadile ka tsela e a kwadileng ka yona.
Tsholofelo : Kgaitsadia Rasebintsolo le Ngakane.
thando: Owaii! Wena o ithaya o re ke itse go thuma.
ntaoleng: Bona fa ngwanaka, ntlo ga se ya rona.
RaMoepa: Mogatsaka! Re lekile go retetse, mme fela ngwana a a gololwe. Lo itse lona ba ga Ntaoleng gore fa logana madi ano, ngwana ena re boa ka ena.
ngakane: O tsamae ka kagiso. (Ba mo naya diatla. A wela tsela go ya go emela ditekisi tsa Tlhabane).
gabatshwane: (Ka go tenega). O bua boammaruri rraabo. Se sengwe ke gore, fa a ka ithutla, ka dithoto a lebale. O tla tswa fa, jaaka kgogo e tlhobilwe. A itse. A se tloge a re ga re a mo tlhalosetsa. O tla lelela kgama le mogogoro...
Mponeng: Lo itshenyetsa sebaka. Batho bale, ba tshwaragane le go rulaganya moletlo wa lenyalo.
senkepeng: (O tswa ka phaposi). Tsala ke batla gore re ye go ikotlolola mo letangwaneng la rona ka fa morago ga ntlo. (O mo naya diaparo tsa go thuma).
Badiragatsi/batshameki: Batsayakarolo mo ditiragalong tsa terama.
thando: Owaii! Ke ka lelela wena tota. Ga o mpone ke a bona. O batle dithaka tsa gago le nna ke tla ipatlela ba ba ntekaneng.
nkeMeleng: (Ka go makala). Ao, Thando! Go diragetse eng jaanong?
gabatshwane: (O rothisa keledi). Ngwanaka, Ngakane re bolaile tsupamolomo. Re boa ka nngoba e sa fotlhwa. Kana le gona nama ya pateletswa e thuba pitsa.
ngakane: Bona fa mma, tsela e butswe, e bile o tloga o ntshosetsa mmutla wa me.
ntaoleng: (O tswa ka ntlo). Monna wa batho, o a bona e tsentse tlhako kgamelong. Ga go na molemo gore ke nnele go inanatha. Pego ya gago e mpheditse maatla. Ke imelwa ke tlhogo.
Mponeng: Go raya gore ngwana yole e ne e le wa ga Rasebintsolo.
Kgature fa a kopana le Thando lekgetlho lwa ntlha o rile, " dilo dingwe di a lojwa, di bolelwa go le thata." Anela ka botlalo kopano/nyalano ya bobedi jo o setse bokao jwa mafoko a morago.
tsholofelo: Bona gore go tsena mang kwa hekeng?
bantoMo: Ke belaela gore monna yole o tsamaile a gadimile. Ga ke tlhaloganye gore o timeletswe ke eng mo lapeng la me (Thando o tswa mo ntlong. O tlhaga a thikga keledi)?
Mponeng: Re kwano, tsenang.
Thaologo: Kgato ya popoto ya terama e mo go yona ditiragalo di tlosang lonao.
thando: Tsholo! Ke kopa o mpiletse bagolo.
senkepeng: (O ba tsena ganong). Bathong! Tota se ke botlhodi. A ngwana o a tle a iphetlhe a re o a nyala, a supa motho a ka mo godisa.
gabatshwane: Dumela ngwanaka! O tsamaetse ka pele. Dumela Thando. Ke eng o setse o poetse jaana?
kgatuRe: (O mo lebelela go tloga dinaong). A o kgona go emelela sebaka ka morwalo o. (O supa ka go dirisa tlhogo).
thando: A re ga a mpotse o a nkitsise fa a batla go ya seyantlo sa ga mogolowe.
ngakane le tsholofelo: (Ntle le kgatlhego) Dumela Thando!
thando: Rasebintsolo o iketse badimong a itse fa leboa le kukunya.
tsholofelo le ngakane: (Ba kgarameletsa Thando kwa ntle).
senkepeng: A mme (A itshwara letheka)?
thando: Ao, tsala! Tlhang o tletse ditshegwana (Ka go nyeba)?
Kgature o ntsheditse Thando bogadi jwa bokae?
senkepeng: Rra eno o bontsha e le motho yo o phuthulogileng e le ruri tsala.
Mponeng: O kae, Senkepeng tsala ya gago?
Go tlhalosa setlhogo, gore ka tlhaloso fela barutwa ba kgone go nna le ponelopele ka ga diteramakhutshwe tse di yang go sekasekwa. Tsona di ama matshelo a malapa, lenyalo, diphitlho, maitsholo a bagolo ka kakaretso mo mererong e e kailweng.
setonti: (O sebela moruti mo tsebeng). Mosadimogolo Gabatshwane o latetse rre Ntaoleng.
senkepeng: (Keledi e tshologela boatleng). Didimala tlhe tsala ya me. O a itse ga ke dumele ditsebe tsa me!
Ralekwatiti: Go tloga jaanong go tshegofaditswe baswi ba ba swelang Moreneng.
senkepeng: Ke a leboga mma (A tsaya setilo).
Jonase: Tsamaya o boloke madi a. E re o se na go bofologa o boele kwano re tle re kgone go go naya tlhaloso e e tletseng. Ga ke rate go go tshwarelela, ke a bona gore malatsi a badilwe.
ngakane: Ke reeditse ntate.
bantoMo: Thando ngwetsi ya me, ´ina la ngwana ga le sekwe. Re tshaba dikgaba. Ineele ngwanaka. Ngwana o newa leina ke ba bogadi e seng mmaagwe.
bantoMo: Bagaetsho, lo tla re inela diatla metsing. Re tswa' felong la Tlhabane. Rona re batsadi, e bile re barongwa ba ngwana wa rona Kgature. Ke a itse ga lo a tlwaela gore batsadi ba ngwana ba ikise go ya go batla ngwetsi.
Thando o nnile le ngwana a nyetswe ke Kgature. Tota Rraagwe ngwana yo ke mang Tshegetsa karabo ya gago ka tlhaloso?
Mponeng: (Ka boleta). Thando! Wena wa reng Fa o ka tsinyalala, o tla ikutlwa?
thando: (Ka ditlhong.) Dumela malome Setonti!
ngakane: A e nne boroko mmanape. (A latsa tlhogo mo mosamong).
thando: (Ka monyenyo, matlho a ntse a bonyabonya ka bogoma jwa dintshi). Badimo ba gaeno le ba gaetsho, ba nkarabile. Di pedi ka menwana, leboa le simolotse go kukunya. Ke ntse ke gategile go go loma tsebe.
thando: Jaanong fa a ka dirisa mosomelwana gona?
Rasebintsolo: (A bula matlho e kete ga a rate) Ao! Motho yo ke wena ratu.
Tharaano: Kgato ya poloto ya terama e mo go yona Kgotlhang e golelang pele.
thando: (A tsena ka ntlo. A felela kwa phaposing ya go robala). Rre Kgature! E re ke ise ke lebale ke go bontshe sengwe fa.
ngakane: Nnyaya mma, fela o lemoga fa go le sengwe.
bantoMo: Re tswa kwa motseng wa Tsitsing. Re boile ka nngoba e sa fotlhwa. Gompieno re baeng ba lona. Re tlile go ipobola mo go lona.
nkeMeleng: Tota le nna ke inyalanya le gore re tshwaraganeng ka diatla tsoopedi re tle re kgone go fitlhelela phitlhelelo e e namatshang. Mosimanyana yo a tsentseng letsogo yole o tla itlhoboga.
senkepeng: Ba feta ba e tsaya jang?
ngakane: Ee, go ntse fela jalo.ke yona tlhokomelo e ke ntseng ke bua ka yona. Ya di dikgomo e batla modisa.
RaMoepa: Heela, tlhe mmaabo! Tlogela go botsolotsa ngwana a ise a bee lerago fa fatshe tlhe Le nna kana ke mo tlhoafaletse fela jaaka le wena o itshupa. (O tshwara Thando ka seatla.) Dumela, mosetsana wa me!
thando: (Ka go tsiboga). A tlheng o bua ka gore tshotlhe?
nkeMeleng: Ke letse ke utlwa kgang ya lona e tsholetsegile gare ga bosigo, molato ke eng?
Rasebintsolo: (O mo pentse ka leitlho). Heela ratu! Ntlhang !
bantoMo: (O sianela kwa ntlong.) Ngwana yo o re thobetse. Ruri o tsamaile ka dinao. E le fa bothata bo ne bo le fa kae?
Mponeng: Ke la me leo. Tiego e tsala tatlhego, rra.
sebilo. Lo ka goroga. Lo amogetswe.
ngakane: Owaii! O bua ka phure e go tweng Thando e. O tla re bolelela se se mmayang fano.
setonti: (A emelela.) Lo tla sala sentle bagaetsho. (Ba a kgaogana.
RaMoepa: (Ka go ba naya diatla). Tselatshweu. Modimo o lo gorose. (Ba a tswa.
thando: (Ka go makala) Heelang, tlhang o nkgarola mala!
thando: Tswela pele re go thuse rraabo.
gabatshwane: Nna ke feletswe ke mafoko.
thando: (Ka monyenyo). Hei, le nna o mmakaditse! Go raya gore o ntse o tlhwaafeletse go bitswa rra nee!
thando: (A thanya ka letshogo) Kgature mogatsaka! Ke ntse ke tlhasetswe ke kgateledi. Ke ntse ke le mo torong e e bogale e le ruri.
bantoMo: Go siame mmaabo, ke tla dira ka bonako. (O a tswa).
gabatshwane: (Ka go makala.) Mogalammakapaa! Ke tseo rraabo.
bantlhoile: O tsamae sentle tsala. (Ba a kgaogana.).
gabatshwane: O tla intshwarela ngwanaka. Kana rona re godile. Ke ka moo re ratharathang jaana. Tswelela motho wa batho.
senkepeng: Wa rialo tsala! (O mo photha legetla ka ditshegwana).
H.E.D. Higher Education Diploma: Vista University.
senyaka: (Ka go makala). Maikutlo a gago a tlhanasela jaaka a lekawana le ithuta lorato.
Tharabololo Tiragalo e nngwe le e nngwe e isa kwa tharabololong ya kgotlhang e a rarabologa.
ntaoleng: Ngwanake Rasebintsolo, monna wa gago, o re tlogetse. O bone kotsi ya sejanaga.
Molaetsa o mongwe o Thando a o amogetseng mmogo le leina la ngwana ke ofe?
gonweng bojalwa/go tlogela bojalwa.
ntaoleng: Ngwanaka Thando! A go ntse jalo?
ntaoleng: Mogatsaka, go ntse tlhe. Tsoga re thuse bana ba rona. A re ba nolofatse dipelo. Re thobe maikutlo a bona. A re amogeleng tsotlhe, ka e le tsa thato ya Modimo. Re tshwanelwa ke go potlakela kwa bookelong go netefatsa kgang ena. Re tloga re nnela go lela motho a sa le botshelong. Masaitsiweng a ditiragalo tsa 'fatshe lena o ka tloga wa itlhoma o a itse, kampo o a ikaketsa.
neele se o tlang ka sona tuu!.
thando: Tota le fa ke tsene dikgang tsa bagodi, le nna ratswale o tiketse ka nna.
malatsi. Ke tla boela teng morago ga malatsi a se kae.
Jonase : Monna wa enšorense ya dikoloi go tswa Garankua.
Mponeng : Mosadi wa ga Ramoepa. Mosadi yo o letsipa ka tsalo.
Setlhoa Maphata a mabedi a eme ka dinao.
kgatuRe: O wa me, ga go poo pedi fa! Ke ikana ka rre a ntse a tshela!
Lemorago la tikologo le le lekanyeditsweng, le sa sutasute, le lekana le ditiragalo le kgotlhang e e rarabololwang.
Mponeng: Ao, ngwanaka! (A tsenwa ke tsebetsebe).
Mponeng: (Ka go tenega). Didimala ngwanaka. Thuso ya gago e gaufi. Re tlile go swabisa satane. Re ile go ba bolelela tse ba di jeleng ka tlala. Tseo ke diphirimisi fela.
tsholofelo: Ke bone e kete rre o hupile tedu. Go raya gore ga a rate tshitshinyo ya ga Ngakane.
Tse dingwe di sa le morago.
Mponeng le Ramoepa ba ganana le gore Ngakane a ye seyantlo sa mogoloe.
ntaoleng: Dumelang bagaetsho ba ba tlotlegang! Badimo ba ga Ntaoleng le ba ga Ramoepa, ba re kopantse ka lorato. Ka jalo re kgonne go wetsa dikapolo tsa ngwetsi ya rona, ngwana wa lona. Ke lebisa mafoko a a latelang go wena Thando ngwetsi ya me. O ntse tsebe ntlha go retsa ditaelo. O itlhobile boroko go amogela kalafo ya moswelwa. Ga o a ke wa tsenwa ke dilo tsa sekgoeng. Maitsholo le maitseo a ka tlatsa mmeto. Leo ke le ke go tlotlomatsang ka lona lefoko. (A goga setilo go nna fa fatshe).
RaMoepa: Bakgotsi! Re ntse re beile tsebe. Fa letsoku le tshwanela ngwana wa rona Thando, re wela matswalo. Re ne re ka swaba nko go feta molomo fa re kabo re bileditswe matlhabisaditlhong a bonyana. Ngwana yo, ke wa rona botlhe, fa a thuba lelapa o re kgoreletsa botlhe. Ke a leboga. (A nna fa fatshe).
RaMoepa: Lo amogetswe, batho ba bantle. (O tsaya manno).
RaMoepa: A lo ipaakantse, rre Bantomo?
kgatuRe: Go siame Thando. Nte re fokotse bosigo. (Ba boela ba robala).
Kgature : Monna wa lenyalo la bobedi la ga Thando, ke Ralebentlele.
thando: Tsholofelo! Tsholofelo! (A ja lebati ka monwana). Ke nna Thando, bula tuu!
thando: (O a lela) Ke lorisitswe ke rre Ntaoleng.
senkepeng: Tlisa palamonwana eo ya gago ke e go beele.
ntaoleng: Ke eng e kete o itebaditse ka go boela tirong jaana?
kgatuRe: Ke gona ke tlelwang ke tlhaloganyo ya gore ngwana o itsiwe ke mmaagwe. Ga ke batle go tloga ke inyatsetsa go go thusa.
Mponeng: Wa reng ka ga senyantlo?
thando: Se tshwenyege tsala.
kgatuRe: Ehe! O raya toro ya maloba. A tlheng o ne o ntobela?
Rasebintsolo: Thando! Thando ! (O bitsa a tsweletse ka go gabola mogodungwana a o hupela ka borotho jwa kgaragana. Koloi e ntse e dumaduma ka fa ntle).
Mponeng: Nnyaya ngwanaka. Wela makgwafo. Tseo di raya wena. Nna ke gana lefoko la seyantlo. Sa bofelo, ke itumeletse tirisano mmogo le tsala ya gago Senkepeng. Lo tsamae sentle banaka.
thando: (O tlhamalela go mogatse o mo atla a ntse a pentse batsadi ba ga Kgature ka leitlho). Dumela rraabo!
motho go ya ka se a se anang.
bantoMo: (Ka boitumelo) O opile kgomo lonaka mmaabo. Ke leina le le ntle e le ruri. Ngwana yo o amogetswe ´sikeng la ga Bantomo. Re a lo rata banaka?
Jonase: Tsena motho yo montle.
RaMoepa: O se tlhole o ithaya o re E re o gopola tshukudu o ikanye setlhare. (Ka setshego).
Neela maina a ngwana wa ga Thando a neng a a fiwa o bo o bolele gore one a a fiwa ke bo mang?
(Kwa Geelhout Park mo ntlong ya ga Senkepeng. Ke nako ya botlhano mo tshokologong go tsena Kgature).
bantoMo: Ke ntse ke reeditse mma. Ke rile ke latlhela la motlapitso ga go nko e e tswang lemina. Rona re ne re sa itse fa go le jaana. Lo tla sala sentle (Ba a tswa).
tsholofelo: (Ka go tenega.) A re ntlo ya gagwe! Ijoo!
Mponeng: (Ka go gakgamala). Heelang! Motho o batlile go tshwana le ngwanake Thando. Nta ke lebelele sentle. (O baya seatla mo phatleng).
thando: (O rothisa keledi.) Fela jaaka o bona morwalo o. Monna yole o mpelegesitse. bantlhoile: E le fa molato o letse kae thando: Motlhodi wa motho o gaisa wa tsagana. Tsala ya gago le nna Senkepeng. bantlhoile: Heela Thando! Motho yole noga ya dinoga. Ke mo tlhatsitse jaaka matagwa a atle a dire go fokotsa..?
kgatuRe: (Ka boitumelo). Se rialo tlhe! A mme o bua nnete ratu?
Tadi e amusa: Go le motshegare letsatsi le penne.
thando: Ao, tlhe ratu! Ke ka se kgone go e golaganya sentle.
Jonase: Go tswa mo dikarataneng, go bontsha tiro e ke e dirang. Ka bokhutshwane, ke moemedi wa dikotsi tsa dipalangwa. Ke dira mo "enšorenseng" ya lefapha la dituelo tsa ba ba amegileng mo dikotsing tsa ditsela.
Ralekwatiti: (O buisa go tswa mo Beibeleng. Lekwalo la Pesalome15. Pesalome ya ga Dafita). Morena, ke mang yo o ka tsenang mo Tenteng ya gago Ke mang yo o ka nnang mo thabeng ya gago e e boitshepo Ke ene fela yo o tsamayang a se na molato, a dira ka tshiamo, a bua boammaruri ka pelo, yo o sa senyeng motho leina ka loleme. A sa direle mongwe-ka -ena bosula, a sa kgobe wa ga gabo.?
ntaoleng: Lo tsamae lo gadimile. Ga re kitla re lo laletsa fa re tshwaraganya bana. Lo tlile go utlwa ka bafeti ba tsela.
thando: Hei! Ga ke itse gore a ke tlile go kgona malatsi a mararo ntle le wa pelo ya me. E tla re re re ke dipitse ra di bona ka mebala. (O tsena mo ntlong a ntse a bua a le esi).
gabatshwane: (Ka go tshoga) Ao, Thando! Mme tlhe e kete o tla re tshosa jaana?
senkepeng: Jaanong o ne o akanya eng?
lesope: (A forogotlha menwana ya matsogo). Ngakane o ikaleditse kwa sekgweng.
Jonase: (Ka go otlolola seatla) Tselatshweu mmaarona.
thando: Go ntse jalo, ke ntse ke mo reeditse. Rre a ka tswelela.
thando: Ke fela jaaka ke tlhalositse le jaaka a bua. Tota o ne a le bogale mo go nna maabane.
senyaka: Ke maitapiso fela, nna ke bona o tla itaya kwa ntle jaaka tlhobolo ya bujane. Fa o se kelotlhoko, o tsoga o re lefatshe le go futsitse, ntswa e le wena moipolai yo o sa lelelweng. O tsenyetsang Thando matlho a lefatshe leno ruri Nna ka re boela gae, o fete o ikope maitshwarelo. A me a kalo mophoting yo mogolo?
ntaoleng: (Ka tsibogo e e tlhakantseng le boitumelo). Ao, tlhe ! A mafoko a mantle ruri ngwanaka. Ke a nesetsa pula! Tsamayang le Modimo go fitlha lo boa.
thando: O nepile. Bosa bo sele ntle le mahube. Batho ba bogadi ba mina ka nko tse pedi. Ba eme ka la bona lefoko.
(Ke nako ya bosupa mo mosong wa Mosupologo Thando o emetse dithekisi tse di yang Lotlhakane. Bantlhoile o mo fitlhela fa renkeng ya Tlhabane).
(Kwa ga Ntaoleng ke laboraro ka nako ya bone mo maitsiboeng. Koloi ya ga Kgature e tsetlela fa hekeng. Thando o fologa le Tsholofelo. Koloi e wela tsela).
Phuthego : Phuthego ya Faith Mission mo Tlhabane.
thando: Ke fano Tsholofelo. Nka go direla eng mogadibo?
kgatuRe: Nna ke feditse le monagano wa me. Setlhare sa mosi ke go o katoga.
kgatuRe: (Ka letshogo) Hei! Ka tla ka wela mathata ka mpa ya sebete e le ruri. Ruri nko e e sa dupeng e (A supa nko ya gagwe).
(Kwa Rustenburg mmileng wa Van Staden nako ke ura ya lesomepedi Sethoboloko. Thando o tsena ka moago wa House of Estates).
tsholofelo: Dumela malome! Ke romilwe kwa go ausi Thando.
(Kwa motseng wa Tsitsing. Ke mo mosong wa ura ya borataro tsatsi la Lamatlhatso. Ba ga Ntaoleng le ba ga Ramoepa ba kokoane mo lelapeng la ga Ntaoleng. Ke letsatsi la dikapolo tsa ga Thando).
nkeMeleng: (A tsena ka ntlo). Ijoo, nna, wee! Ga twe ngwanake o bonnang motlholo ruri?
thando: Fa Ngakane a ka dumela, ke ikgaola tlhogo.
Mponeng: (Ka go tenega). Ija, Ija, Ija! Lo sutlhile sekgwa ka puo. Bana bona ba reng?
senkepeng: Go iswa seyantlo!
thando: (O ja setswalo ka monwana). Koko...
Jonase: Re ka itumela fa o ka dirisa moso wa gompieno nako nngwe le nngwe. O dirise mmila wa Van Staden House of Estates. Number 779B.
(Kwa Kopmane kwa ntlong ya ga Ramoepa. Ke nako ya borobongwe mo mosong. Go goroga Bantomo le Nkemeleng).
tsholofelo: (Ka letshogo). Wa reng O ikaleditse! Mang Tota E seng kgaitsadiake?
gabatshwane: Go ntse jalo ngwanaka. Le nna ke mo lemogile. O kgatlhanong le yona. Ke tla leka go lemosa malomaalona Setonti ka kgang e.
gabatshwane: Lo a makatsa ruri. Lo tsaya bogadi gabedi. Lo ile go tshegwa ke ditšhaba.
thando: (O gadima Kgature) Nnyaya mma! re ne re itlotlela fela. Ga go molato ope mo go rona. Ngwana ke ena a sa re robatsang. O a bobola.
gabatshwane: Rraabo! Konotetsa kgang eno. Ba neye nako go ikakanya.
thando: Ratu! Go mongwe yo o tsenang. E re ke ye go mmulela. Go tsena Tsholofelo.
thando: Ke mmoleletse go ka tlala seatla. Fa e le motho o utlwile, fela se se makatsang ke fa batsadi ba gagwe ba nnetefaletsa jalo.
Morago ga phitlho ya ga Ntaoleng, Thando ga a ka a kgona go boa ka bonako ntswa Kgature a ne a tlile go mo tsaya; molato e ne e le eng?
Maitemogelo a Borutabana: O simolotse tiro ya go ruta mo Batlhalerwa Primary (Tweelaagte). A dira gape mo Segakwana Primary, Mokhine Primary ele morutabana a tlhatlhoswa go nna Motlatsamogokgo mo Matuana Primary go fitlha ka March 1998. A tlhatlhoswa go nna mogokgo wa sekolo sa Madutle Primary (Welgeval Village) ka April 1998. Tse dintsi tsa botshelo o di itemogetse le go di ithuta teng mo sekolong se gore botshelo ga bo ratanelwe.
ngakane: Nte ke bue puo phaa! Nna ke rata go ya seyantlo sa ga nkgonne. A o a nkutlwa?
ngakane: (O a tsena.) Dumelang bagolo!
gabatshwane: E le gore o jewa ke eng?
phuthego: (Ba feleletsa ka sefela.) "Nna ke seboko leroleng, ke mo poifong ya loso. Kgomotso ga e teng moeng, nkgomotse, wena Jeso, yo o ntshwetseng sefapanong go nthekolola mo losong. O ntlhomogele pelo." (Moruti o dira thapelo ya phelegetso diatla di tsholeditswe godimo).
setonti: Rra, tlogela go ketlolaketlola mafoko.
Molaetsa/Thuto Molaetsa ke thuto e moterama a batlang go e naya babuisi. Ona o senoga kwa bokhutlong jwa ditiragalo, go ya fela ka tsela e kgotlhang e rarabololwang ka yona. Le fa re ka se dumalane le ene gona ene o a bo a rialo.
setonti: Wena abuti le ausi, digang makgwafo. Modimo o mogolo yo setlogolo ena, o sale mmotlana. O tlile go rakana le yo o mo lebaneng. A tsee nako.
a. Go ya ka wena, a tlotlomatso e e nepagetse Tshegetsa karabo ya gago ka mabaka a a utlwalang?
ntaoleng: Heela rra! O kopane kae le motho yo (O supile setshwantsho)?
ntaoleng: Bona fa rre Ramoepa. Ga re na ngwana yo re mo tsenyang mo kgwebong. Lo a re gakgamatsa. Lo re neile ngwana ka nyalo, gompieno ke lona gape lo batlang go mo nyala mo go rona.
Ngakane o ne a na le lekgarebe mme a sa ikaelela go nna le basadi ba babedi fa Thando ena a ne a se na bothata go nna mosadi wa bobedi.
ntaoleng: Heela monna Ngakane!
ntaoleng: Bana ba gompieno, ba bona balekane motho wa bona a ntse a routse.
ntaoleng: Ke eng se se go rutang jalo?
senkepeng: Ke eng seo Thando?
ntaoleng: Re le utlwa ka tsoopedi bagaetsho. Fa lo re bona re riana, lapeng le ga re je di welang. Motlhapisa podi ngolwana ga se mogami wa yona. Lelapa la monna ga se botshamekelo. Lelapa la rona le a tlhakatlhakana. Ke tshwanelwa go tswa leano.
kgatuRe: Molato o fa kae?
phuthego: Moya o a re; Ee, gore ba bone boitapoloso mo matsapeng a bone.
nkeMeleng: (Ka go nyema moko). O ntse o ikutlwela rra. Dikgobamarapo ke tseo.
Mponeng: Ga se jalo ratu. Ke ne ke ithaya ke re Thando. Tota o nkgarotse letswalo.
Re go reeditse, le fa tota tlhogo ya gago e bontsha e le ya motho e le tsotsi.
RaMoepa: (A se emele nako ya gagwe. A re, tswee)! Ga go so´ seo. O se tlhole o bua puo eo. (A nna fa fatshe a sosobantse phatla).
Rasebintsolo, ga mmogo le pasa. A ke lona batsadi ba monna yo?
Phuthego : Phuthego ya Pentekosete mo Tsitsing.
S.E.D. Secondary Education Diploma: Vista University.
Mponeng: Re ile go tla nae.
thando: (O a goeletsa.) Heela, malome Setonti! Ke kopa o tle kwano.
thando: Ke a bona ka ntlha ya MMF le MVA. Morago ga loso lwa ga Rasebintsolo. Tse dintsi re tla di bua ka moso bo sele.
thando: (Ka ditlhong a forogotlha menwana ya matsogo) Ke a utlwa bagolo. Ga ke gane sepe seo lo se akantseng, mme fela ke ntse ke tshotse leina la "Ikgomotseng."
Ramoepa : Monna yo o setsumpa ka tebo.
thando: Ke swabile nko go feta molomo. Ke tshokile ka tshoganyetswa ke monnawe Rasebintsolo.
Fa Thando a apola rou, Ntaoleng o ne a mo tlotlomaletsa maitsholo le maitseo a gagwe ka nako ya go ikilela le gore ke bona ba mo apotseng e bile Thando ga a tsenwa ke dilo tsa sekgoa.
tsholofelo: Nkgonne, ke a itse pelo ga e na molekane. Go tloga jaanong o kgwele mathe seatleng. Se sa feleng se a bo se tlhola. Tlogela go ikgarakgatsha mogopolo tuu! Modimo o mogolo o tlile go go naya molekane yo o go tshwanetseng. Lebala ka ga Thando tuu!
thando: (Mo tseleng a kotama godimo ga letlapa. O bua a le esi.) Kana mongwe o kile a bua are; Tlhapi solofela leraga metsi a tshele o a lebile. Tsotlhe tse ke neng ke na natso di ntatlhegetse. Ke gopola mafoko a ga moruti mo bukeng ya ga Jobo fa a ne a re: ´Ke tlile ke le fela fela mme ke tla boa ke le fela fela.. Ka nako ke sotlegelang nna mosadi wa moitshodi. Ka nako e ke neng ke na le tsotlhe, moruti o kile a nkgothatsa go ya kerekeng. Ke ne ka nna kgatlhanong le kereke. Ke tla tshwana le morwa sesenyi. Ke tla boela go moruti ke simolole go tsamaya kereke. Nkabo ke ngwana wa morago. Ruri ke boammaruri jo bo senang bana ba phefo fa go twe 'foko la moswi ga le fetolwe. Ke moipolai yo o sa lelelweng. (O a lela.
RaMoepa: Dumela Thando le moeng wa gago.
kgatuRe: (Ka go makala.) Se rialo tlhe motho ke wena!
RaMoepa: Gontse re utlwile ngwanaka. Se ileng se ile...
gabatshwane: (A ntse a rothisa keledi). Ga ke itse gore a ngwanake o bona seo re se bonang?
gabatshwane: Motho yo le buang ka ena fa, o teng. Sebe sa phiri fela ke gore, o ne a nyetswe ke morwa wa rona fa. Monna wa gagwe o mo tlogetse ka ntlha ya kotsi ya koloi. E ne e ntse e le monna le mosadi.
senkepeng: Ijoo! Tsala ya me A ke wena o letseng go twe o ne o letsitse mogala?
Rasebintsolo (A mo penya ka leitlho)?
thando: Re mmogo rra, mme o ka tswela pele.
kgatuRe: Bua fela mmaetsho ke go reeditse.
ngakane: Ke batla go ya seyantlo sa ga nkgonne.
nkeMeleng: Ke jaaka rre, a rile lo tla re inela diatla metsing. Re pateleditswe ke mabaka go itlisa fano.
thando: O a itse! Ke utlwa tlhogo ya me e lela meropa. Tokologo mo go nna tota ke moila. Rre Ntaoleng o batla ngwana kwa lelapeng la ga Rasebintsolo go seng jalo, a re o tlile go mo itseela ka la gagwe letsogo, mme rona re tla sala re tlhoname.
senkepeng: (Ka monyenyo). Bona fa, Kgature! Ga ke batle gore o tsoge o ikgolola ka nna. Nnyaya ruri...
MoRuti isang: (Ka go tsholetsa diatla, o naya tshegofatso.) A Morena wa rona Jeso Keresete ka esi, le Modimo Rraarona, yo o re ratileng a ba a re naya kgomotso e e sa khutleng le tsholofelo e e molemo, a a gomotse dipelo tsa lona, a lo tlhomamise mo ditiriong le mo puong nngwe le nngwe e e molemo.
O bua le mang?
thando: Koo - koo.
setonti: (Ka go tlalelwa) O tlile gae!
senyaka: Mafoko ga a timanwe, go timanwa nama.
ngakane: Rre o raya jang?
Mponeng: O foo ke fano rraabo! Le nna ka ditsebe ke a utlwa fela ka kgopolo ga ke kgone go golaganya sepe.
gabatshwane: Ao mosetsana wa me! A le wena o itsalanya le keletso ya ga abuti wa gago?
RaMoepa: Ema pele mmaabo. Nte a re tswele ka kgang.
kgatuRe: Heela, motho wa batho! Monate wa lenyalo o nyeletse. Ditshepiso, dikeletso, maikano, lefelafela.
gabatshwane: Nnyaya rraabo, ga o a bolaya motho. Le nna tota ke ne ke le gaufi le go makala.
setonti: Wena rre wa "enšorense", o tota o rometswe ke mang fano Kgotsa ake wena o begang dintsho tsa batho?
Rasebintsolo: Dumela mma. (O mo naya seatla).
Ke mang mmui wa mafoko a?
ntaoleng: Heela mosimane ke wena! Wa re o lorile eng?
senkepeng: Thando, tsala! Yo ke rre Kgature, ke ene yo ke neng ke mo leleditse. O se mo ise tlhogong ke motho wa metlae. Wena Kagture, yo ke Thando, tsala ya me ya botlhokwa. Ke kopa lo itsane. (Ba tshwaragana ka diatla).
gabatshwane: (A mo tsena ganong matsogo a setse a le moweng). O buile boammaruri jo bo senang bana ba phefo rraabo. Motlhodi wa motho o gaisa wa tsagana. Bomasenyeletsa ba ikadile le bophara jwa lefatshe. Ga se bona fela, boretlammona gore o tla felela kae ba ntse dikhutlhwaneng tsa meago ya bona. (Kopi ya leba molomong).
thando: Wa rialo tsala! (Ka go tshoga).
gabatshwane: Ngwanaka, ngwetsi ya rona e re e ratang jaaka re ithata, namatshega mo moeng. Re na le wena botlhokong le monateng. Re fano jaaka batsadi ba gago. Modimo o mogolo thata pele ga rona.
Mponeng: Motsalwamorago, ke mo ja boswa. Mojamorago ke kgosi. (A tshega). Borra le mma, mafoko a lona a tsene ka tsebe tsoopedi. Ba ga Ntaoleng, re ntse re beile tsebe. Lo buile go ka tlala seatla. Tota motho a ka re, lo ntseetse mafoko. (A boela mo setilong sa gagwe).
thando: Jaaka monna le mosadi.
thando: Nnyaya e seng jalo mma. Ke ne ka fudugela mo go e nngwe. Mo mesong ka phakelela batsadi ba gagwe.
O ikaegile ka botshelo le maitsholo a ga Senkepeng le Thando, bapisa botshelo jwa lekeišene le jwa magae.
ntaoleng: Ngwetsi ya me o nkutlwe. Reetsa puo ya me. Bagolo ba ga Thando! lo nkutlwe fa ke fosa lo re moo ga se nnete. Ngwetsi ya rona re e bofolotse. O tshwanelwa ke go dira tiro ya sesadi lapeng le morafeng. Ka lorato lo sa tlhophe, le segatlhamela masisi, Thando ke motho wa madi. Dithaeletsego di fofa moweng.
thando: O re go mpona! Ke makgabe a dipapetla.
(Go motshegare wa Labobedi mo Geelhout Park. Thando o tsena fa ga Senkepeng. Go mogote o o pateleditseng Senkepeng go ithateletsa ka toulo fela).
gabatshwane: Bagaetsho! A lo rekisa ngwana re ntse re mo tshotse?
ntaoleng: Go diragetse eng ka ngwanake Tlhalosa ka bonako tuu?
Mponeng: Ao, rraabo! Ga o ntheye o re motho yo ke ngwanake. Nna tota ke ntse ke re mofeti wa tsela. (A mo sianela. A mo atla).
ngakane: Tota go a bontsha gore o na le lorato la mosadi tota. Ke ka moo ke bonang go ka ntswela molemo go tlhokomela tsa ga nkgonne.
setonti: Nnyaya tlhe kgaitsadi. Rre a a tswelele ka go itlhalosa. Se mo tsenye sesuga ganong.
Diponagalo tsa teramakhutshwe Teramakhutshwe e na le diponagalo tse e leng tsa yona tse di e tlhaolang mo makaleng a mangwe a a kailweng fa godimo. E tshwanetse ya nna khutshwane. Leba diponagalo tse di latelang mme o di batle mo diterameng tsotlhe tsa "Matsapa di a tsaya kae": a kgotlhang e e bonolo, e e rarabologang ka bonako terama e ise e lelefale. b Badiragatsi ba palo e e potlana ba ba sa lelefatseng ditiragalo. c Badiragatsi ba ba botlhale, ba ba rarabololang kgotlhang ka bonako?
(Ke nako ya ura ya borobedi mo mosong. Mo ntlong ya ga Rasebintsolo, Ntaoleng le mogatse ba tshwaragane le go goduma mogodungwana le ngwetsi ya bona Thando).
thando: (A bula heke) Ba tla re intshwarela...
thando: (Ka go gakgamala). O a itse! Ga ke dumele seo ke se bonang ruri. Tota lo tshela botshelo jo bo kwa godimo. Lo phela sekgoa tota.
thando: O bua nnete. Se teng. O itse go batlisisa kemo ya motho. Ratu! Ke na le mathata.
Mponeng: Ee, ngwanaka. Fa ke leba ka matlho a me o foufaditswe ke lesira la lorato. Ga o ise o fatlhologe sentle. Kamoso o tloga e re o fatlhologa wa fitlhelwa o fatlhwa ke yo wa rona. Emela thaka tsa gago ngwanaka.
thando: Jaanong mosese o montsho o, ke ya go dira jang ka ona.
Mponeng: Ao tlhe! Ke mosetsana yo montle ruri. Banaka lo bolokaneng lo gaiseng rona.
kgatuRe: Mmaago Ikgomotseng! A re ikhutse. Re tla tsoga re di feleletsa bosele. Nte re ikhutse, motho o tloga o tsoga o koumela mo bathong. (Ba a robala).
Jonase: (O emelela go goga mokgobe wa dikwalwa) Mma ke kopa gore o phuthologe mo kantorong e. Fa o sa tlhaloganyeng teng, o wetse mogopolo mme o kgone go botsa.
Jonase: Ka fa lapeng bagaetsho. (O tlola ka kgoro).
thando: Ga ke riana, ke imetswe ke letsapa la go lala ke tlhobaeditswe ke motho ke mo tsaya jaaka nnake.
tsholofelo: (O ba tsena ka bogare). Tota mma, fa dilo di ka bo di itirelwa, lo ne lo tshwanela go nyadisa ausi Thando Ngakane. Dikgomo tsa gaetsho di ne di tshwanetse tsa boelwa.
setonti: Dumela ngwetsi ya rona.
setonti: Nna ga ke na kgang. Ke tlaletswe fa ke riana. O re ganne. Re lekile go go ikgomaretsa, mme wa re itatola letsatsi le penne. Dintsho tse di tlileng mo lelapeng leno, ke ka ntlha ya lorato la batsadi ba ga Rasebintsolo mogatso.
bantoMo: Re eletsa fa lo ka se re akgele diatla. Ngwana ke wa lona. Tota le fa mo sebakeng se lo mo lwela, o tshwanetswe ke go gololwa mo go pheleng ka pitlagano.
ntaoleng: Rraago Thando! Elatlhoko gore moapaya pitsa, ga a gaise beng ba dijo ka sepe. Le fa o ka ititaaganya le lefatshe Thando ga a kitla a tswa mo lapeng lena.
thando: Ke tsogile bagolo, le fa tota ke sa tsoga.
thando: (Ka ditlhong) Ke ke...!
thando: Ao, tlhe ntate, bua tlhe! Tlhang o nkgarola pelo?
Ka kgwedi ya Seetebosigo kwa gaabo Kgature felong la Tlhabane, morago ga moletlo wa go ntsha ngwana mo ntlong. Ka nako ya kgogamasigo, Thando o robetse ka go tlhobaela.
b. Fa e le gore tlotlomatso e, ga e a tshwanela Thando, ke sekapuo sefe se re ka reng Ntaoleng o ne a se dirisa?
bantoMo: Ngwanaka, Thando! Mmaago fano o ntseetse mafoko. O tshegofaditswe gareng ga basadi. Ngwana yo, ke sona seipone sa mosadi a le mo nyalong. Ka ena, o re bontshitse bosadi jwa gago. Lapa le tlhokang ngwana dintwa ga di fele.
ntaoleng: O raya ntlo ya ngwanake?
Ba ntshetsana a metlhagare: Go itse go tshegelana le itumelelana.
bantoMo: Re lebogela kamogelo ya lona.
tsholofelo: Le fa tota ke sutlheletse mo mafokong a bagolo. Go a tshwanela gore gonne fela jaaka ke eletsa.
ntaoleng: (Ka phuthulogo). Go siame ngwanaka, a e nne tselatshweu. Ba dumele kwa le yang teng.
thando: Ruri ka re metlholo ya lefatshe le. O fitlhela fela monna wa lelapa a atlhametswe ke banyana ba mo aketsa. Motho wa teng a lebetse gore o tla newa leina la sepharabasading.
boammaruri. (Ka kopelo).
thando: Wa rialo ratu!
thando: Le fa go se jalo, yoo ga ke kitla ke mo lebala. Ke ene modi wa botshelo jwa me. Seriti sa gagwe ke se tlotla bosigo le motshegare.
Thando o itsaya jaaka moipolai yo o sa lelelweng morago ga gore Tsholofelo le Ngakane ba mo tlhabise tsela. A mme ke ena Tlhalosa?
tsholofelo: Nna tota ke ne ke iphorile ke re o gorogile. Motho ga a itsewe e se naga. Malatsi ano o re fetogetse.
(Ke Laboraro wa mafelo a kgwedi ya Lwetse. Ke nako ya bone mo maitsiboeng. Thekisi ya Tlhabane e goroga mo motseng. Thando o fologa gaufi le ntlo ya gaabo. O kikimere morwalo diatleng tsotlhe).
Rasebintsolo: (O tsena mo koloing). O repe. Ke tla go go tsaya ka Labobedi thapama. (Ba atlana. Koloi ya wela tsela).
kgatuRe: O a itse go sengwe!
ngakane: Se nyatse jalo tsala. Maikutlo a batho a farologane. A me maikutlo, a batla mogomotsi.
thando: Ngakane, nnaka! Dijo di wetse. Ke utlwa letsapanyana. Ga ke a iketla mo mogopolong. ngakane: A o sa ntse o gopotse yole nkgonne?
Go latela Rasebintsolo, dinoka tsa ga Thando di tletse, di tladitswe ke eng?
thando: (Kwa ntle o thikga keledi.) Bathong tlhe intshwareleng! Ke ne ke sa itse se ke se dirang.
Go lemosa barutwa botlhokwa jwa maduo a a abelwang dipotso mabapi le tekanyetso ya boleele jwa dikarabo gore palo ya maduo le boleele jwa karabo di tsamaisane.
thando: Hei tsala! Ka re dilo fa o sa di tlwaela Le gale re tla di utlwa teng. (O thobunyela mo metsing go fokotsa mofufutso).
Senkepeng o gakolotse Thando gore a amele Kgature ka seemo sa gagwe sa bosadi.
thando: Rraetsho! Ke kopa tshwarelo fa ke se kile ka kgona go boa ka bonako.
ngakane: Nnyaya rre, ga go jalo.
senyaka: Wa reng O tlogela tiro. (A tshikinya tlhogo). O tshwanetse o bo o sa inagana sentle?
thando: O ka bua puo tsa batho le tsa baengele, fela nna mo ntlong ena ga ke kitla ke tswa. O ntseetse madi a me a diensorenre. Pele ke tswa fa, o bo o a beile seatleng sa me.
Nako e e lekanyeditsweng e e sa atoloseng terama.
ngakane: Rre o ne a reng?
thando: (Ka go imakatsa.) O raya sa mofuta mang?
nkeMeleng: (O a kokota).
Jonase: (A komakoma ka tlhogo pene ya gagwe e ntse e betsabetsa godimo ga lekwalo) Mma, ka boripana ke go naya madi a a kana ka R 32 700. Ke bontlha bongwe jwa ditshwanelo tsa gago mabapi le tatlhegelo ya molekane wa gago ka kotsi ya sejanaga. Ke madi a "Third Party".
thando: Ke utlwile rra. Ke tla goroga mo nakong e e sa fediseng pelo. Sala sentle rra.
ntaoleng: Botsogo bo kae Tlhang o re phakeletse?
thando: Ngwana yo! (A supa lesea).
Tlhopha botshelo jo go ya ka wena bo leng botoka mme o tshegetse tlhopho ya gago ka mabaka.
Morero/thitokgang: Modi wa kgang.
gabatshwane: Go siame tlhe Tsholo. Re etla gona jaanong. (Ba a tsoga).
gabatshwane: Ijoo ! (A rwala diatla mo tlhogong).
kgatuRe: (Ka go tenega). Bona fa mme wa batho. O ntshotlile e le ruri. O ntsentse matlho a lefatshe. Ke tshegwe le ke dipota tse.
Poloto Tatelano ya ditiragalo di na le mabaka a a di tlholang e bidiwa poloto. Poloto ya terama e tsamaya ka dikgato.
kgatuRe: Nnyaa, Thando! Se tshwenyege. Ke lekile go tlhalosetsa mme le rre. Goroga o tle o bone go itapolosa. Ke tla go tshelela metsi a a bothitho go ithoba.
kgatuRe: Tsaya setilo ke seo, re sa ntse re ithulaganya.
kgatuRe: Kgaitsadia motho Senkepeng. O intshwarele go tsena ka go ratharatha. Ke ntse jalo fa nako e letla. Sala sentle, ga ke fodise matshego. (Kgature a mo gakolola go tsaya diphatlho tsa gagwe. A emelela a ntse a tshwere Thando ka seatla).
ngakane: Le yona ke e akareditse.
Senkepeng 16. Bantlhoile : : } Ditsala tsa ga Thando mo Geelhout Park.
thando: (O itsheka keledi). Ee, ntate. Ke go reeditse.
phatleng. Tota ke ka bua go feta fa, ke tla neela Rre moruti go felegetsa ngwana wa rona. (Setopo se folosetswa tlase).
Ke tiragalo efe e e botlhoko e e diragetseng pele ga mafoko a?
Rasebintsolo: Thando! Tse dintsi re tla di bua fa o boa. Nta ke laele rre pele.
arabeng. O se ke wa re isa kwa le kwa. A o a utlwa Ngakane?
thando: Kana tiragalo e, e diragetse go robetswe. Ke bile ka tshwanelwa ke go fudugela mo phaposing e nngwe go latsa tlhogo. Ke phakeletse bagolo ba gagwe go sa le mo phakeleng.
gabatshwane: Rraago o bua nnete ngwanaka, phothulola mogopolo ngwetsi ya rona. Re fano go go sireletsa ka pelo tse di edileng.
ntaoleng: Ke ikgata motlhala bagaetsho. Ke tla tlogela go potapotela. Ke tla tlhabega ting go belela ka pele. Re eletsa fa mosimane wa rona Ngakane a ka ya seyantlo sa ga mogolowe.
thando: O raya nako mang, le gona ka letsatsi lefe?
Kwa ga gabo Rasebintsolo go mo mosong wa Lamatlhatso.
kgatuRe: Se tshwenyege. Maano ga a site go sita loso. Le wena o ka nna wa thiba phatlha ya gagwe.
Mponeng: Ga re mo rekise. Re gana fela go iswa seyantlo. Ke eng fa lo pateletsa ngwetsi ya lona go dira selo se se kgatlhanong le maikutlo a gagwe?
ngakane: Mohumi yole wa Tlhabane o kae?
thando: Badimo ba gago ba go arabetse ka pele. Nna ke ne ke sa gopola gore kopano ya rona ya ntlha go tla nna jaana. (A supa dimpa).
thando: Ke lo tlhoafaletse malome.
Mponeng: Re a leboga bétsho. Kana re sa ntse re ile go lwa ntwa ya go tsaya ngwana wa rona.
nkeMeleng: (Ka go kgwa mowa). Rraabo! Ga bontsha re sa timelela kgakala. Nathela beng ba lapa lemme le o tlang o le ba phutheletse.
senkepeng: Lo tsogile bagolo?
go tlogela go rata bojalwa.
senkepeng: Bona fa tsala Thando, o montle, o moša, o tshwanelwa ke go nna mo lokeišeneng. O tlogele go nna o ntse o ya le sekgwa o tsomana le go sela dibi tsa dikgomo le dikgong tsa menato.
thando: Ka tlotlo yotlhe e ke lo nayang yona, ke kopa go naya ngwana leina le la ´Ikgomotseng'. Ke leina leo ke le lorisitsweng.
thando: Dumela ntate!
Thando o ganne Ngakane a ya seyantlo. Tlhagisa ka botlaolo ditlamorago tsa go gana go.
ngakane: (O tswa ka ntlo.) Ke eng kgaitsadi?
thando: Ngwana ke yo o a lwala. Nna ka fa ke tlhasetswe ke toro. Tota ga ke itse gore ke tshabele kae (A rothisa keledi)?
thando: (Ka go seba). Owaii! O itheela mang ne Ke a bona o njela le matlapi. Nx?
RaMoepa: Ke go reeditse morwadiaka. Phuthologa.
thando: Nnaare ga twe bo sele jang gompieno O tshwanetse wa bo o ntlholela. E tlaare ka makuku a naka tsa kgomo, ke begelele monnamogolo kgang e e masisi e?
tsholofelo: Rre o a go batla.
Diteramakhutshwe: Diterama tsa kgaolo e le nngwe.
RaMoepa: Re feletswe ke mafoko bagaetsho. Re lo bone, ga lo batho ba ba manganga. A re tshwaraganeleng morero o. Fa lo tloga fano, lo fete lo itshiamisetseng moletlo wa nyalo ya bana. Le rona re ile go itlhaganela go begela bale ba bogadi jwa ga Thando.
gabatshwane: A kgatlhego ga e teng mo go wena Thando?
gabatshwane: Wa rialo! Ga ke tlhaloganye...
Jonase: (Ka tlalelo). Ao, rra! Nna ga ke kgatlhanong le thulaganyo ya lelapa, fela itse gore tsela ke rona. (Thando o goroga ka koloi ya ga Senkepeng. Ya tsetlela gaufi le heke. Ba fologa botlhe fela).
gabatshwane: Se re se batlang ke kgang e lo tlang ka yona. Tse dingwe re tla di sekaseka.
ngakane: Ee, mma! Ga go se ke sa se utlwang.
thando: Ke go utlwile mma. Go tlile go ntsaya sebaka go itebatsa. Kana Rasebintsolo ke ene molekane wa me wa ntlha mo botshelong. Ke rutilwe ke ene mantlwane a bonyana go fitlha a ntira mosadi wa lelapa.
ngakane: Nna mma ke feditse le mogopolo wa me. Malatsi a me a tiro a fedile. Ke tshwanelwa ke go boela morago kamoso. Fa lo mpatla lo tla nteletsa mogala. Ke feditse bagolo. Ke lebogela kemonokeng ya lona.
gabatshwane: (E rile go gadima a latlhela lefoko). Hei! Ka re fa e le ba bona, ga re kitla re tlhola re ba ikhutsa.
thando: Ke Thando yo o buang! Nka go thusa ka eng?
senkepeng: (Mo tseleng.) Tsala! O bo bone jang mo manobonobong?
thando: A go a makatsa Kante ke a go ipateletsa?
gabatshwane: Rraago banake. A e ke e nne wena o mo tsupololang molomo. O nne boripana mo go ene a tle a tlhalose. Tsholofelo o goroga le Ngakane.
thando: Ga go tshwenye. Ke tla nna le ene mo go yona.
senkepeng: Lo tsoga jang borra?
ngakane: Ga ke tlhaloganye gore tota bothata jwa ga Thando bo phunyega kae Ke makalela lefoko la Thando la gore ke ngwana mo go ene?
tsholofelo: Ke romilwe.
senkepeng: Robadiwang bagaetsho! (Koloi ya thuba lobelo go leba Geelhout Park).
lesope: (A mmona pele.) Heela abuti Ngakange ke rona tlhe! Ke a go kopa tlhe se sutlhe naga. Tsholofelo ke yo tlhe. (Ngakane o tlhaga a tshaba a goga kalana eo a neng a ikgwageditse mo go yona).
thando: Ke letse ke sa bona boroko.
ntle le nna. O mpatla fa nokeng ya gagwe gangwe le gape.
ngakane: Ga ke bue ka dikgomo fela, ke raya tsotlhe tse e leng tsa ga nkgonne.
Rasebintsolo : Maitibolo a ga Ntaoleng le Gabatshwane. O mosetlha ka masetatšhe.
Neela makgetho a mabedi a Jonase a tliseditseng Thando tshedimosetso ya botlhokwa.
gabatshwane: Fa tshwaelo e le teng, ngwanaka e re neele. Tsebe gaufi e a ikutlwela. Mo go nna le rraalona re lo tsaya ka selekanyo se le sengwe.
kgatuRe: (O gogela Thando mo go ena. A mo forogotlha dimpa). Mogatsaka! A tlheng e kete o titietse jaana?
Thando ga a boelwa ke ntlo le dikgomo tsa gagwe jaaka a ne a akantse.
setonti: Nnyaya, ditlogolo se nneng mabifi. O tla lo itlhalosetsa. Lo se mo kateleng segaswa ganong.
Two Modules : Vista University Five Modules: Vista University of North West (Mankwe Campus).
ntaoleng: (A tshega). Ga ke tshege rra. Ke wena o ntshikinyang, fa o re ke go tsenetse mo sekgoropeng.
thando: Fela jaaka o ikutlwa, le nna maikutlo a me a ile godimo. Kana bongwetsi bogolo ke go nna le thari. Fa o ka itshoka wa e tingwa, o tla jela kgobedung. Mainaina a tshotlo o tla a newa tsatsi le letsatsi.
Mponeng: Ga go kgathalesege, e bile ga go kitla go kgonega. Mosimanyana yo wa lona o tlhokile kwa a ka tshamekelang mantlwane teng. O rata go tsola ngwanake ditswalo. (O nna fa fatshe bosutlha).
senkepeng: (Ka go gatelela.) Ke ikana ka mme ka mmaago. Ga ke re ga twe!
Fa Thando a sena go lora a bua le Ntaoleng lekgetlho lwa ntlha o ne a raya Kgature a re o lebetse toro. Se se ne sa gakgamatsa Kgature mme a botsa gore a kgotsa go na le sephiri. A sona se ne se le teng Tlhalosa?
gabatshwane: Banaka! ga mmogo le wena Lesope, ke kopa gore mmutla o se rothe madi ka tiragalo e.
thando: Ao, tsala ya me! O ka re o motho a dupelela.
thando: Ee, mma! Fa a tlhokofala ke fa ke na le kgwedi tse pedi. Ratsale o ne a ntlela ka bogale tota. Loso la ngwana mo go nna ga se motlholo. Ke ne ke setse ke itse pele a ka re tlogela.
Ntaoleng : Monnamogolo wa seithati, yo mosesane ka tsalo.
senkepeng: (O utlwa koloi fa ntle. Fa a tswela kwa ntle o bona Thando). Heelang! Batho ba ke lona (O atla Thando a bo a mo tlamparela). Dumela rra! Lo ka goroga?
ntaoleng: (O ntsha senepe sa pasa ya ga Rasebitsolo). Setopo re supa nakedi...
kgatuRe: Kana ke ngwana wa monna fa o mpona ke riana. Ga ke nthoromane.
kgatuRe: A re o batla eng?
RaMoepa: Le nna ka rialo. Tota kana o sa le mmotlana go ineela mo botshelong.
Mponeng: A o ne wa iteseletsa?
ngakane: Ga se jalo thaka, fela o opile kgomo lonaka. Ke na le bothata jwa go batla molekane.
kgatuRe: Ke a leboga Senkepeng. Ke lebogela kgatlego ya gago ya go nkeleletsa katlego mo botshelong. Yo o tshwanang nao o a tlhokwa. Wena Ausi, Thando. O se inyatse go kopana le nna. Ke ntse jaaka o mpona. Ga ke fofele godimo jaaka dinong. Dilo dingwe di a lojwa, di bolelwa go le thata. Tlhokomologa ba bantsi. Nna ga ke batle sepe ke feditse fa ke na nao. Wa bobedi a ka re tlisetsa podile. Ke solofela ke tla aga ke le wa gago, le wena o nna wa me. (A susumela Thando).
senkepeng: Ke eng e kete maemo ga a iketla jaana?
thando: (Ka go tlhabiwa ke ditlhong). Ao, le wena tota! Ke ntse ke sa itse fa o le mongwe wa bomaratahelele.
ntaoleng: Banaka boobabedi! Ke lo rata lotlhe fela. Ga ke rate fa go ka nna le yo o tla phelang ka go ngobaela lapeng le. Re bana ba thari e le nngwe fela. Molao re tla tlhokomela wa lapa le. Ga go motswakwa yo o tla tlang go re neela molao. Makunutu a lelapa le e tlile go nna dikhupamarama tsa bana ba mpa. Ngwana wa me wela dibete, ngwetsi ya me se kgarakgatshe mogopolo. Ngwanaka o a nkutlwa o godile. O re apeele bogobe jwa legala re je rotlhe. La me ke leo ngwetsi ya me. Le boloke pelong e sere bosele wa tsoga o lelela kgama le mogogoro.
Rasebintsolo. O a itse a mpherosa dibete! Mafatlha a me a kukegela godimo.
bantlhoile: Bona fela jaaka re phela le ba merafe ya seeng. Bana ba rona ba tlhakanetse dikolo le bana ba basweu. Re phela ka phuthologo. Toropo le yona e mo dikgorong tsa rona. O rata jang tsala?
ngakane: (Ka go itlhoboga. O bua a le esi). O ithaya a re ke ja diketo. Go mo tlogela gona, ga nkitla. Lefoko ga le boe E kete a ka lala a ntorile. Gongwe o tla gakologelwa tsatsi lele nkgonne a sa ntse a tshela. Marumo, nna mosimane wa kakapa, ke a rometse. Phologolo fa e jelwe ke marumo, e tshaba e ntse e kobela. Se sa feleng se a bo se tlhola. Bosa bo tlile go sa. Dikgang di matlhong... (O a robala).
Senkepeng ke tsala ya boammaaruri.
Ka nako ya bosupa mo mosong wa tsatsi la Tshipi. Matshwititshwiti a batlaphitlhong a tsholeditse pina.
thando: Hei, thaka! Wa tla wa mpotsa poo ya potso. Ka re, go ne go utlwala fela, "moratiwa, papa! Mama!"
thando: Ke lebogile bagolo. Ke batla go phaila lelapa.
gabatshwane: Rraago ke matsapa fela, o lwala tota. O batlile go go bona ka pele. Fetela kwa go ene. Ga a tshwara boroko.
Ngakane o ne a ikaletsa kwa sekgweng gonne a ne a patelediwa go nyala Thando.
ngakane: Nna fa ke riana, ke boi. Ga ke batle motho yo o tla tsogang a ntshela ka metsi a a belang.
thando: (O tsene mo thekising ya E20 BSF128 NW) O sale sentle tsala.
Mponeng: Nnyaya rra, ga go jalo.
Thaologo Ditiragalo di a simolola.
senkepeng: (Ka go tsiboga). Wa rialo tsala ya me?
lesope: Go leboga nna thata fa ke kgonne go boloka botshelo jwa ga nkgonne Ngakane. Tota ga nkitla ke ntsha mosi ka sekhurumelo. Ke a lo tshepisa.
Mponeng: Nna, bagolo ke kopa gore re tswe mo dintsanantsaneng tsa mofuta o. A re tsweletseng pele kgang ya bana ba rona.
nkeMeleng: Tsa etelelwa pele ke e namagadi tsa wela ka lengope. Le nna ke leboga jaaka rre a lo lebogile.
Gabatshwane o ne a kopa Tsholofelo le Lesope gore ba bolelele batho ka ga go ikaletsa ga Ngakane.
Ditshiamelo tsotlhe di sireleditswe. Ga go karolo ya kgatiso e, e e ka boelediwang, ya bolokwa mo mofuteng o o ka tlhagiswang gape ka ona, kgotsa ya gaswa mo sebopegong sengwe le sengwe kgotsa ka mokgwa o o rileng, wa elektroniki, ka motšhine, ka kgatiso kgotsa ka mokgwa o mongwe o o sa dumelesegang, ntle le gore go bonwe tumelano e e kwadilweng fatshe ya mong wa ditshiamelo tse di sireleditsweng tsa bokwadi pele. E phasaladitswe lekgetlho la ntlha ka 2008.
senkepeng: Ahee mma, tsena!
gabatshwane: Dumela ngwetsi ya rona!
ngakane: Kgaitsadiaka. A re tlogele go suga letlalo le le ganang go letefala. Ntlo e ya ga nkgonne o e robale sentle. Re go balela matsatsi.
Ngakane o ne a itumelela go nna le Thando mo ntlong ya ga Ramoepa fa lenyalo la gagwe le Kgature le sena go senyega.
ngakane: Ke ya go tlhokomela tsotlhe tse eleng tsa ga nkgonne. Ka re, tsotlhe fela. Ke ya go nyala ntle le go ntsha dikgomo. Tota lorato la ga ausi Thando lo ntshuba jaaka setlhabi tennyana ga maikutlo.
Bayokerafi ya ga K.S.
thando: (A nyeba). Wa rialo tsala!
ntaoleng: (O koma ka tlhogo.) Mm Ka mafoko a mangwe go raya gore ke go geletswe ke pelo, ngwanaka.
nkeMeleng: (Ka go tenega.) Wa re a reng Ga ke tlhaloganye! Tota o bua ka ngwana wa ga mang?
Rasebintsolo: (A kukupologa a ntse a edimola). Hei! Ke ne ke le kgakajana. Letsapa le gana go nkgomarologa. Go batlana le dikgomo mo selokong ga se thaka ya motho.
Ba lelapa la ga Ntaoleng mo motseng wa Tsitsing.
senkepeng: Tsala, o tla bo o tshameka.
Jonase: Go ntse jalo mma. Ke nna monna wa "enšorense" yo ke neng ka tlisa pego ya loso la ga Rasebintsolo.
thando: O re go nkutlwa...
Ditiragalo tse di latelanang, di siana ka lobelo gore nako e se ke ya senngwa. k.g.r.
tsholofelo: (Kwa gae o tshola bogobe). O a itse! Ke simolola go baba lebadi. Nkgonne Ngakane go sebaka a rile o ya go tlhola dikgomo. E re ke mo tsholele bogobe. O tla fitlhela bo gamogile bolelo.
nkeMeleng: Ga go nnete e e fetang e e re bofeleleng lengoto. Mosadi fa a inama o a bo a ikantse motlokolo. Bana ke ba rona ga re ba ipateletse.
ngakane: Gompieno jaana, ke ile go tsibosa yole Thando ka lebaka le. Fa a ka nkgapha, ke tla mo itshokela go fitlha a ineele.
Tshwetso ya mmui mo letsatsing le e nnile efe?
Mponeng: Rraabo tlhe! Tlogela go ya mafatlheng le puo. Bua puophaa! Ke sebaka o tokaganya mafoko.
thando: Nna le Senkepeng re boela Geehout Park. Lo tla ntshala morago ka le le latelang. Lo tla mphitlhela ke gorogile. Lo tle lo tlile. Go se nne gope fa lo tla tsamaisanang teng le bona. Nte re se ka ra senya nako ka go lotolotsa motlotlo.
senkepeng: Wa rialo abuti Kgature! O tla bona o dirile jang ntle le lekgarebe?
Mponeng: (O biletsa Thando fa thoko. A isa molomo tsebeng). A o phuthile?
kgatuRe: Ke tla dira gore ga ke ya go boloka madi a lebentlele ke fete ke a boloke ka nako ele nngwe.
kgatuRe: (Ka ditshegwana.) Ao, tsala! O ntsaya jang ruri Kana ke a itse gore leina la motho le jelwa kgomo?
thando: (Ka monyenyo). Lorato la monna yole le fisa jaaka molelo wa mafura. Ke a go leboga tsala. O motho wa botlhokwa mo botshelong jwa me.
thando: Hei, tsala! Dinyemisa moko. Kgang e ne ya ya magoletsa. Kgetse ya tlhakatlhakana. Se se makatsang ke gore e rile pheletsong ke fa ba baakanyetsa ngwana wa bona tsela. Ba mpateletsa go ineela mo go Ngakane.
senkepeng: Owaii! Tseo ke dinyana. O mo forogotlhe go fitlha a o lebala. E re a re thaa! Maloba e bo e le maabane. Go tla bo go ntse go lekane.
nkgonne a sa ntse a le mo botshelong.
Tlhabane Sun. Motho ke yo o tla lo bonang gareng ga maphatsiphatsi bosigo jotlhe.
Babadi! Inopoleleng tse di botlhokwa matshelong a lona go sale gale. A e re pele o thubunyela mo mafureng a a bolelo o betilwe ke pelo, o ikatumetse mo go ba ba ka go tlhabang botlhale mme wa tshwana le tshoswane. La me lefoko " Dipula tsa matla - ka - dibe di kile tsa ntsogela kgatlanong mme Morena a nkgopola ka dipula tsa matlhogonolo -ka fetsa ke atlaretse ke phutetse. Dinako tse di thata ga di bolae, di a ruta, ke botshelo mogaetsho!"
Modimong. Ke ona o itseng masaitsiweng.
thando: (Ka go tlalelwa). Dumela mma! Molato o fa kae mma (O bua a gadimile rratsalaagwe)?
B.A Bachelor of Arts in Education: Vista University.
nkeMeleng: Banaka, re lo biditse jaana nna le rraalona. Re lo itsise fa boitumelo bo phophoma dipelong tsa rona. Ngwetsi ya rona, re go leboga go menagane. Lesea le la lona, le tlisitse kganya lapeng la ga Bantomo.
Mathaithai le botsotsi ke di tlhaloganya jaaka ke ikitse. O seka (Ka go tenega).
Senyaka : Tsala ya ga Ngakane kwa Moepong wa Wildebeesfontein.
thando: Heela, tsala! A mpatla dikobo.
tsholofelo: Abuti Ngakane, motho yo a re tswele ka ntlo. A tsamaye go ise go fifale.
ntaoleng: A reng Seyantlo! thando: Fela jalo rra. Fa ke bua jaana, ke letse ke fudugile mo phaposing ya me?
Jonase: (A baya lokwalo fa thoko mo tafoleng, a bula "enfelopo" e tshetlha ka mmala) Se ke setlankana sa madi a gago go tswa go MVA.
tsholofelo: O bua nnete, nkgonne. Le nna ke tlile go mo lemosa botlhokwa jwa kgang e.
ntaoleng: Didimala mmaabo! Se ileng se ile, lesilo ke mo se latedi A re digeleng kgang e, e tloga e re tsenya malwetse a dipelo.
bantoMo: Tau e iphutha motlhala e le nosi, fa e na le malawana mafaratlhatlha. Go riana ga re itse fa re gorogile kwao re laetsweng teng. Re tla re tswa fatshe la Tlhabane e bontsi bo reng e a tlhaba. Yo ke mosadi wa me Nkemeleng.
Mponeng: (Ka monyenyo.) Hei! Wa tla wa re gopola ruri.
thando: Nnyaya. Ngakane ke ngwana mo go nna. Batho ba ka tloga ba ntsaya jang ruri?
senkepeng: O nthaya o re nne Ga ke dumele ditsebe tsa me. Ruri motho ga a itsewe e se naga?
kgatuRe: Morwarre, Senkepeng! A o ke o ntswele ka nnete yotlhe fela. Mphe boteng jwa ga Thando. Kana lo ntse lo le ditsala tsa go ntshana seinong.
setonti: Sebare, tlogela go lelefatsa kgang. A re kuke dinao go sa le gale. Keledi e tla tsamaya e rothela tseleng. Letshwamina re tla le phetsa gangwe le gape ka lentle la seatla. Go itsema go ka tloga ga re dia.
ntaoleng: Re tsogile le fa re sa tsoga. A re bonaneng kwa ntlong banaka. (Ba tsena ka ntlo. Ba fitlhela mosadimogolo a thikga keledi).
ngakane: (Ka go tenega.) Malome, tota ke lekgotla la eng gompieno?
Mmui o reile mmuisiwa a re a buse 'madi' a bona; o ne a raya eng?
(Kwa mabitleng a Tlhabane nako ke ura ya bosupa mo mosong wa tsatsi la LaMatlhatso. Lekase le folosediwa mo phuphung pele tirelo e simololwa. Moruti o ema ka fa tlhogong ya phuphu, batho ba dikaganyeditsa phuphu). phuthego: (Sefela sa kobamelo ka bonolo thata). MoRuti isang: (O goga phuthego ka thapelo). A re: A re rapeleng lo ntshaleng morago, lo re; ´Rara wa rona, mogomotsi wa bana ba gago, re rapelela baledi ba ba mo pitlaganong e e kanakana. Ga go batlege gore re go bolelele bohutsana jwa bona. Fela re ba rapelela gore ba tshegofadiwe ke Rara wa bona wa legodimo, ba tle ba bone namatshego. Ba bone lesedi la ga Keresete ba le mo lefifing la loso. Rraarona Modimo, yo morwao o na a bapolwa, nna nabo gompieno, o ba thuse go ineela, o ba tlhomamisetse gore le fa re tshela, gongwe re swa re mo diatleng tsa gago tse di molemo. Re ntse re le bana ba Morena. Ka Jeso Keresete. Mmoloki wa rona.
ntaoleng: Go a reng monna Ke eng ke bona o itshetlhefaditse jaana?
tsholofelo: Heelang basadi! Wa reng E seng kgaitsadi. Ngakane o gaufi la go nyala. O iponetse yo o molekaneng?
Mponeng: Ngwanaka, tsoga o phakela. Fa o fitlha o se umake sepe ka ga seyantlo. Wena o ba re o re o latile leruo la gago fela.
tsholofelo: Kana ga di nke di lala. Ga twe o nyalwa ke mohumi wa kwa Tlhabane.
tsholofelo: Nnyaya, Ausi Thando! E seng jalo.ke utlwa o mpitsa mogadibo.
Fa Thando a sena go tlhalosa gore Ntaoleng o mo file leina la ngwana mo torong, o ne a sala a ntse a sa iketla. Tota o ne a tshwennga ke eng?
Mponeng: Ba ntse jalo ngwanaka, bana ba gompieno fa ba thanya o tla utlwa a re, ke a nyala, ke a nyala.
kgatuRe: Go malatsi a le mmalwa o sa tlhole o phuthologile mo moweng. Motshegare o bontsha o le bodutu, bosigo o tshwenngwa ke ditoro. Tota ga ke itse. Sengwe sona se teng.
ngakane: (Ka go itlhoboga). Ke a leboga Kgaitsadi. Tota o nkeme nokeng. Ke ratile go itseela botshelo nako e ise e goroge. Ke tlile go nna sejaro O lale sentle. (Ba tsena ka diphaposi tsa bona tsa go robala).
tsholofelo: Heela malome Setonti le wena abuti Ngakane! Ke eng se se diragalang?
Rasebintsolo a re letsapa le gana go mo kgomorologa. Ke letsapa la eng?
thando: (O tswa ka phaposi ya go tlhapela) Nta nna mosetsana wa pheta ka pejana, ke sa le bothito jaana, ke tsose Rasebintsolo mogatsake. Kana ke ena mafura a pelo ya me. (O a mo kgotlokgotsa, a mo kgoma ka dipounama tse di bothitho).
kgatuRe: (Ka makalo) Thando! Madi a kanakana. Ka nnete bohumi jwa rona bo ile go golela pele.
thando: (Ka ditlhong) Ke a leboga rra. Re utlwa letsapa ruri.
setonti: Nnyaya, tota nna ga ke itse. Gongwe setlogolo fano ene o na le kitso.
bantlhoile: Owaii! Ga go sepe se se tshosang fano. Ke maiteko fela. Ga re eletse gore bana ba rona ba tshele jaaka rona metsing ele ya maloba.
Fa a re 'monna yole' o raya mang?
Mponeng: Ruri lefatshe la rona le rogilwe. Le tletse dintsanantsana. Go na le bomaratahelele ka bophara jwa lefatshe.
Jonase: (O a emelela). Ke utlwile rra. Ke tlhaloganya thata kemo e lo leng mo go yona. E tla re lo sena go tsidifalelwa lwa ntshwara ka mogala. Salang lo robaditswe bagaetsho. (O a tswa).
thando: (Ka ditlhong.) Mme a reng Nala! Nnyaya ga go jalo?
setonti: (O tsena ka ntlo.) Motho wa batho o ka thuswa ka eng?
kgatuRe: (Ka go makala) Wa reng, Thando O lorisiwa ke mang tota?
bantoMo: A ke teng fa gaabo mosetsana Thando?
ntaoleng: E le fa lo tsere motlhala wa bona kae?
nkeMeleng: (A mo tsena mo ganong) Basadi ba kae! Bua re utlwe raditoro o wa gago gore ke mang?
tsholofelo: Ausi Thando, Ke ba tsositse. O se fele pelo, ke sa ntse ke ya go tlhadia metsi a mosukubyane. O a tswa.
kgatuRe: Thando, mogatsaka! Diga mogopolo. Tsamaya o ye go bona rre Ntaoleng. Ke tla lo buledisa ka koloi.
thando: (Ka go tenega). Ga gona sepe se ke ka se gadimang. Ke lebile pele.
thando: Dumelang rra!
Fa Rasebintsolo a laela kwa ga Senkepeng, Thando o mo raya a re o re gopole mo tseleng; o raya ena le mang?
Matsapa di a tsaya kae?
(Ke Labotlhano nako ya borobedi maitsiboa. Tsholofelo, Ngakane ba ntse go dikologa tafole ya ga Thando le Rasebintsolo).
gabatshwane: (O palelwa ke go itshoka). Mmaloo!
Mponeng: O se rialo ngwanaka! (Ka lethabo).
Boteng jwa ga Thando jo bo ntshitsweng mo letsatsing le ke bofe?
thando: Bona, fa Kgature! Tseo ke dinyana mo go nna.
ntaoleng: O nepile ngwetsi ya me. Ke batla go go laela. O nkutlwe, o nkutlwisise.
thando: (O ba tshwara ka seatla). Dumelang bagolo!
bantlhoile: O se nyeme mooko tsala. Se go ganang se go rola morwalo Modimo yo re sa o direleng, ga o je nkabo...
Tlhalosa ka botlalo gore Gabatshwane o raya jang fa a re boRamoepa ba amogela bogadi gabedi.
thando: Nnyaya mma, e seng jalo. Ke letse ke tlhasetswe ke Ngakane.
senkepeng: (A betsa Kgature mo legetleng a ntse a tshega). Ao, tlhe Kgature! A ga o itse gore moeng o' naka di maripa?
Mponeng: Dumela ngwana wa rona! Re a leboga.
ntaoleng: Mmaabo le ngwanaka, e reng ke tlogele go ratharatha. (O a emelela ka go goletsa lebanta la kgorotlho. Ba a kgaogana).
(Kwa ga Ntaoleng. Ke Lamatlhatso nako ya go feela mabala. Go goroga Ramoepa le Mponeng. Ba fitlhela Ntaoleng, Gabatshwane le Setonti ba ntse mo mathuding. Thando o tswetse go ba tshelela mogodungwana).
senkepeng: E le fa go senyegile eng tsala?
gabatshwane: Thando o bua puo ya senyana mme ntswa a setse a kile a laiwa. Go boeng ga me ke tla kibela ka taelo ya badimo bagaetsho. (O a tswa).
ntaoleng: Fa go ne go ka nna jalo, tshireletsego ya dithoto e ne tlaabo e ka nna teng. Thando ngwanaka, o a itse re a go rata. Tota ga re eletse go kgaogana le wena. O ngwana wa rona kae le kae.
senkepeng: Kana monna yole o ikaelela go go nyala ka pele. O tlhoka mothusi mo lebentleleng. O swe senku fela, gongwe a ka se go lemoge.
gabatshwane: Nnyaya, mma! Ga re rialo. Re neile kgarebe go ikakanya. Ga re batle go mo tsenya sesuga ganong. A ka tsoga a ipata ka rona. Tse e leng tsa nyalo tsona ga re di tsene. Ga go ope yo o tla tswang fano ka nyalo. Le go leka.
thando: Bua fela rrabo. O bontsha o kgamilwe ke mafoko. Tota makalo ke ya eng?
tsholofelo: O bua nnete mma. Re ka tsenwa ke matlho a batho ka bontsi.
(Ka Lamatlhatso mo maitsiboeng. Koloi ya ga Kgature e ema fa thoko ga heke ya ga Ntaoleng. Morafe o tletse ka lelapa. Thando a se tlhole a senya sebaka a tswela kwa ntle).
ngakane: Fa o dira jalo, o tlaabo o ntswetse molemo wa go ba itsise ka bonako. Mosetlha yo wa gago, go tloga bosigong jona, re tlile go o tlhakanela. (O bua a tsholeditse mmolopita yo montsho ka fa ntle. A gabola mothama o o tiileng).
thando: (A mo atamela go mo atla). Motho yo ke nna. O sere go mpona ke le fa. Dikuku di monate, lenyalo le boima.
Aparo se go buiwang ka sona ke?
gabatshwane: (O ba gadima fela.) Thando ngwanaka, dira se o bonang se tla go tswela molemo. O se ke wa tsoga o lela.
senkepeng: Ijo! Mang O ne o batla gore ke nne yo o maaka. Le gona ke gore ke ne ke sa batle go sulafaletsa Thando dikakanyo tsa gagwe. Sengwe gape ke gore, o robetse le ene a sa ntse a routse?
motho mme go twe ke monna. Tota fa teng ke a gana.
gabatshwane: (Ka go fela pelo). O opile kgomo lonaka rra. Ga re tle go gogwa ke motswakwa ka nko mo lapeng la rona. Go ka mpa ga nkga go sa bola. Ngwetsi ke ya rona.
kgatuRe: (Ka letshogo). Wa reng Mma thusa foo tlhe?
ntaoleng: (A emelela gape). MmeMponeng, ke mojamorago jaaka o kaile.
Jonase: Bagaetsho, nnang pelotelele go reetsa. Kwa pheletsong lo tla kgona go mpotsolotsa ka se le sa se tlhaloganyeng.
gabatshwane: Ngakane kana o gana go ineela. Mowa wa gagwe o sotlegile e le ruri. Ga ke itse gore re ka mo gomotsa ka eng tota?
thando: O tsamae sentle ratu. O re gopole mo tseleng ya gago. Tsela tshweu rraabo.
thando: (O tswa ka ntlo). Bagaetsho, lo tla nkinela diatla metsing. Ke batlega kwa Rustenburg nako nngwe le nngwe mo tsatsing la gompieno. Ke patelesega go itlhaganela.
senkepeng: O foo ke fano.
RaMoepa: Botsogo bo teng, fa e se makoa mogatsa mmele.
thando: Ratu, toro ya maloba e tlile gape.
kgatuRe: Thando, mosadi wa me! Ke batla go bua puo- phaa!
Jeso a re: "Ke nna tsogo le botshelo, yo o dumelang mo go nna, le fa a swa, le fa go ntse jalo, o tla tshela gape, le fa e le mang yo o tshelang a ba a dumela mo go nna, ga a kitla a swela ruri gope."
bantoMo: Lo re go re bona fa, re mokgapeng wa go batla sego sa metsi. Monwana wa supabaloi wa morwaaka o supile lapeng le. Le ka re neela tsela e e tlhagotsweng rramogola. Re buleleng ditsela lona ba ga Ntaoleng.
kgatuRe: Fa e le gore ga se se se tshosang ke ka itumela.
Mponeng: Rona re tlile re tshotse bogadi jo bo tswang Tlhabane, teng kwa Thando a bonweng teng. Ga se rona re mo inyalelang.
thando: Se tshwenyege tlhe ratu! Malatsi a sa ntse a le kgakajana. Ke tla dira fela mo go ntekaneng.
<fn>Random.DPS9780798673624T.txt</fn>
RantleRu: (O letsa mogala) Hallo! Ke Sajene Ke nna Rantleru. Ke mo 6666 mmila wa Kgama. Ke fitlhetse setopo mo ntlong mme go lotletswe ka fa gare. Ke palelwa ke go rarabolola malepa a mmolai. Ke na le mong wa ntlo, mme le ena o tsene le nna fa ke sena go roba lebati. Tlayang lo re thuseng tsweetswee, Sajene. (O baya mogala fa fatshe. O kgwa mowa) Ga ke kgone go bona tshipi e e iteileng motho yo mo kgorikgoring. (Go utlwa la motho a itewa ke kgodisa, e bile a ntse a potla) Ke mang yoo?
MMakgoMotso: O ne a go tshwantsheditse ka maemo a loapi a o ka se keng wa a tshabela gope.
Kgomotso o boela gae mme Phofu o a swa.
2.4 Phika o kaya eng fa a re, Seako, ntataalona?
kgoMotso: (O a sunasunetsa) Di tlhabisa ditlhong mo go se nang bosekaseko mma.
moterama o tlhagisa lemorago.
sankatane: Mma ke rile o se ke wa atamela kwano. Ke tla e bolaya ke le esi fela. Nna ga ke rre e mo jeleng. Ke mosimane wa Sankatane.
seleBaleng: (O a tshegatshega) Jaanong o a re o tsile go dira jang abuti Phofu?
seleBaleng: Lebelela ka fensetere gore go tsena mang kwa hekeng.
kgoMotso: (O ntse a lela) Ke eng ke tshwanetse go aga ke ledile jaana tota?
kgoMotso: (O tlhakantse le selelo) Tota ga twe o mpogisetsang se se kanakana Phofu?
phika: (O itumetse) Ka ga nna le Raditerekere.
Ranko: Naare mosadi yo o kae (Ka go bitsa) Mokgadi.. .! Mokgadi?
Batho: Ga e tlhole e le kgosi ya rona. Ke wena kgosi. A a tsamaye!
3.11 Moswinini o na le kitso yotlhe ya togamaano e.
kgoMotso: E seng jaana.
lepodisi: Mma ke maswabi go go itsise fa monna wa gago Phofu a sa tlhole a tshela.
seako: Ka ura ya bongwe, re ya rotlhe kwa lesakeng.
MMalaBadi: Nka didimala jang go bolelwa ka tshimo ya me Ruri 'tsatsi lengwe, tshimo ele e tla ntsenya ka lebitla?
RantleRu: Ga ke re jaanong o a bona. Setopo!
Selebaleng o ne a re o tseela motho monna, o feletsa a latlhegetswe le ene e bile a le mo mathateng a go ima ngwana yo o se nang rraagwe.
Mokgadi: Ke ne ke photha dinawa. Kgang ya gago e ka se eme, re tla e bona kgantele.
Mosadi a le mongwe fela, e leng Morwesi o ne a iphitlha mo khuting.
1.9 Mmui a re o bone jang gore Mmemme o ile?
Motswedi: A ko o ntshelele segalagala sa metlheng ke ikhaunye go le gonnye. Kana ke lapile e le tota.
kediBone: (Ka go rapela le ka selelo) Kgosi! A re tsweng mo motseng ono, re tla dika re fedile rotlhe. Ka wena o le kgosi ya rona re goge o ye go re senkela lefelo le lešwa.
Boipelo: Dumela rra. Ee, ga o a timela.
Ya botlhano: "Mosese, Mosese, Mangole le Menwana". Yo o logelang yo mongwe maano a bosula, go wela ena mo go ona.
thipe: (Ka bogale) Tshepo, atamela kwano. Le tshameka ka rre Ntlhake Ga le bone gore monnamogolo o ikgoletse A re yeng koo ke tlile go le khuma matlalo ka setoropo..?
ntlhake: (Ka go tshoga) Ijo o eng... o motho kgotsa o sepoko...?
RantleRu: (O a mo kgaoletsa) Tlogela se o sa se itseng setopo se le fa pele ga rona!
Motswedi: Go siame Boipelo. Nte ke tsamae. Go botoka batho ba se ka ba re bona re le babedi kgabetsakgabetsa, ba ka tloga ba belaela. Nkatle ratu. Sala sentle ratu.
MMakgoMotso: Modimo o itse ka fa o tla go sireletsang ka teng le go go phimola dikeledi Kgomotso ngwanaka.
RakgoMotso: Kgomotso o nyetswe, o setse a na le batho ba ga bone o fana ka sefane sa batho!
phika: (O a goa) Mogolole Seako, a ke o tshware dipholo tsa gago, re buisane pila.
ntlhake: (O a mo ngapa) Maragonyana a a sa utlweng a ke batlile ke ngatega ka ntlha ya lona...
RaditeRekeRe: (O a gakgamala) A o tlhorontshiwa ke legatlapanyana le go tweng Seako?
kgoMotso: O bua fa nna ke tsile ke tabogetse khumo ya gagwe.
RaditeRekeRe: (O a lela) Borra, Phika o ne a ntsieditse. Ga ke mo rate. Ke satane wa nnete. Tsweetswee, intshwareleng!
MonnaMogolo: (O gakgametse) Ke eng A ke ntse ke ro-betse Fa e sale ke ipona ke ile go lwa le Kgodumodumo ele, mme ke tswa kae, ke..?
feke: Go tloga leng o nkoba fa o etetswe ke Mmemme! Le gone wena ga ke na sepe le (O bona setopo. O a kua) Hei! Hei! Hei! Ke bonang Bosalala, o bolaile Mmemme?
1.1 Se se diragetseng morago ga loso lwa ga Ramarumo.
ntlhake: Ba a nthoga, ba re ke Khutsepe. Khutsepe ke mang?
RantleRu: Jaanong yo o inotleletseng ka fa gare ke mang A o lekile lebati le le kwa morago?
O dirile sentle. Motho ga a tshwanela go tshabela mathata. O tshwanetse go kampana le one go bona tharabololo.
seleBaleng: Ke lotletse ratu fela e kete o ne o ka nteta go se kae ke ye go apara botokanyana kwa lapeng?
MMalaBadi (Ka go tenega): O se ke wa ntshosetsa monna. Ke tlile go go bolaisa diatla, fa nka tlhola ke utlwa o bua ka tshimo ya me.
Ga ke bolo go fepa motho ka bojalwa ke mo reka gore a fitlhe diphiri tsa me. O ile Nnuku. Ke nna le Mmemme fela. (O emisa koloi) Ooyi, naare o setse a timile lebone le ena Mmemme bathong O robetse ngwanyana wa me yo ke sa bolong go mo lomelediwa ke Nnuku. O emetse gore Salaboy a feta a re ko-ko-ko! gararo mo lebating, a be a bula. (O kokota gararo mo lebating a be a leta sebakanyana. A be a ipoeletsa gape. O buela kwa tlase ka go fela pelo) Khaamaan! Bula ka pele ke ise ke bonwe ke matlho a a fa a a ratang dilo a! Naare Mmemme o robetse jo bofe A ka ya le boroko mo ntlong ya go ikutswa (O leka lebati. Le a gana) Kana ke tla nnela go atlhama fa, kgotsa go riana motho o ile, o tlhagafaditswe ke bomaratahelele ba ba etsang Feke jaana! O ile Mmemme. Ke sale ke bona go timilwe lebone. Sis! Fa e le gore o sutlhile, go fedile ka nna le ena. (O ntsha dinotlolo) Nte ke lotlolole ka sa me ke tsene mo ntlong ke ithobalele. (O tsenya senotlolo, mme se gana go tsena) Heelang! Golo fa lebati le le notleletswe ka kwa gare. Go na le senotlolo mo go lona. (O leka lebati. Le gana gape) Mme le notletswe. Go raya gore Mmemme o teng mo ntlong mo. Jaanong o a reng a sa bule. Kgotsa (O a siana) Kgotsa o butse le le ka fa morago. (O rutlarutla lebati la tshipi) Le lona le jelwe ka berebere. Motho o teng mo ntlong mo. Nte ke ye go kokota gape ka kwa pele. (O a kokota?
Moswinini: Moratwe o lefufa malatsi a. Motlhaope o duma maemo a gago.
3.12 - Gore Motswedi o ne a sa mo rate, o ne a mo dirisa. -Gore Moratwe ke ene tsala ya nnete. -Gore thuto e nnye e a bolaya.
phika: Ka go saena tumelano ya gore a ntemele masimo.
tau: Tseo ga re di tsene rre Mathule.
Go kwa magaeng. Go utlwala melodi ya dinonyane, dikgogo le dikgomo.
sankatane: (O sa ntse a lela) Mma ke batla rre! Ke ile go bolaya Kgodumodumo eo ke ntshe rre!
Tau ya bofelo e bolailwe ke ene.
RakgoMotso: Ke batla gore a nkarabe potso e ke e botsang e seng e ke sa e letelang. A re mmogo?
phika: (O tlhaeletsa lentswe) Rre Seako a ke o tswele kwano, re go letile.
kediBone: (Ka selelo) Ijo bona fela jaaka e metsa rre Mabinagotsholwa! Monnamogolo wa Modimo o sule! Re tla tshabela kae Ijoo?
sankatane: (O a sunetsa) Mma a ke yone e ntseng e gataka ka fa godimo ga khuti ka fa?
ntlhake: (O a mo lesa) A o tla tlhola o ntshosa gape?
MMaseako: E le gore bona go direga eng ka bona?
Bosalala: Borra se golegeng mosadi wa me! Le paka ka eng gore o ne a le mo ntlong A o ronwa ka go tshola senotlolo sa ntlo ya ga mogatse?
tshepo: Ga a ise a re bolelele...
MMaseako: (O simolola go tenega) Bolelela rraago Modise.
ntlhake: (Ka go tenega) Khutsepe o makgakga wena ao. (Tidimalo) E bile ke batlile ke gakanega. (Ka matlhagatlhaga) Tau ya bofelo e e neng e le mo, e bolaiwe ke nna...
thipe: Ga ke rate bana ba ba tshamekang ka bagolo ga se molao...
2.4 O kaya gore Seako o a ba laola, ba tsaya fela mo go ene.
kgoMotso: Go nkoba ga a nkoba mma; ke paletswe ke go itshokela dikgobo le ditshego tsa mosetsana yole.
Tharaano: Bothata bo golela pele. Go a raraana.
seleBaleng: (O sala a lela botlhoko) Ijoo nna we ke wa ga mang wee...!
sajene: (O a mo kgaoletsa) Naare matsitla a ona ke a kwa kae a O tsena jang mo dilong wena?
MMakgoMotso: (O a mo gomotsa) Kgaotsa tlhe ngwanaka; kana selelo se oketsa kutlobotlhoko le one matshwenyego.
feke: (O tsamaya a ntse a opela) Mosese wa gagwe, mangole le menwana mangole le menwana mangole le menwana.
O bone fa lobone lo timile.
Bosalala: Monna, tsamaya! Mapodisi a tloga a go fitlhela fa. Fa re batla thuso re tla e batla mo go bona.
MMakgoMotso: E le gore go diragetseng se se kanakana Hee! dilo tsa gompieno ruri..?
Boipelo: E buise ke utlwe gore ga twe go diragalang.
ntlhake: (O hemela kwa godimo) Ruri ke batlile ke ngatega. A go na le metsi fa gaufi?
Thaologo: Kgato ya poloto ya terama e mo go yona ditiragalo di tlosang lonao.
MMakgoMotso: Se tlale pelo tlhe o nkitsise se se go tlhagetseng Kgomotso.
ntlhake: Tlogela namane eo Tshepo. Gama Thokwana pele e setse e rokoditse. Atamela ka kgamelo eo monna Nakedi...
nnuku: (O sisa pelo) Feke o nepile. Ke ne ke boa kwa ke neng ke ile teng mme fa ke kokota ka gakgamala fa ke bulelwa ke Mmemme. Ka palelwa ke go itshoka. Ka itisatisa nae. Ka bona sebaka sa go mo itaaganya le setofo ka kgorikgori. Ka mo tshwara ka memetso. Ke ne ke sa re ke a mmolaya. Nka bo ke ntse ke tshabile, fela ka utlwa batho kwa ntle. Ke tshabile gore ba ka mpona. Ke ne ke sa itse gore ke tla tswa jang. Ke ne ka iphitlha ka fa tlase ga bolao gore e re le tsena, ke sutlhe. Ke ne ke re ke tla boa ke tla go imakatsa le lona. Tota ke ne ke batla gore e nne wena o tshwarwang.
Boipelo: Moswinini, nta re tlhokomele baeng. Re tla bua tsotlhe di fetile.
Mokgadi: O nepile ngwanaka. Le gale monnamogolo o sa tswile. O fitlhela a tsamaya le motsana o a batla diphafana. Batho ba ba tsamaya thata e kete ba tlhotlhonyelwa ke legae.
Go utlwala selelo sa batho. Diruiwa tsa batho le tsona di a bokolela di leka go tshaba mme Kgodumodumo o di feleletsa tse tsotlhe.
ntlhake: (Ka go tshoga) O o ntshosetsang ne, ga ke a go utlwa fa o tla...
kgosi: Bagaetsho ke ne ke re...
seako: Go tloga fa, gonne e ya kwa ureng ya bongwe, re ya kwa lesakeng. MmaModise, wena o itire yo o seporeiyang kgomo e ke tla bong ke le fa thoko ga yona. Modise !
ntlhake: (Ka go supa fa a sa tshepe Nakedi) E se ke ya bo e le letlametlo gape phakela jaana Ke tla katela motho boloko jwa kgomo mo leganong..?
sankatane: (O araba mmaagwe) Mma o se ke wa atamela kwano, nna ke mosimane wa Sankatane ga e ka ke ya ntira sepe. Ke tla e bolaya ke ntshe rre!
Bosalala: (A le esi) Le rona boBosalala ruri! Ke fano jaanong ke bona kotlhao ya go siana le boMmemme, basadi ba rona boNnuku ba ntse ba le teng. Kana fa a ka utlwa, Nnuku mogatsake, o tlile gore ke baakanyegile. O ngadile a tsamaya. A ntlhe nka bo ke emetse gore re tlhalane pele! Mmemme le ena o itlhophela loso lo lo ntsenyang mo tsietsing. Loso lo lo malepa lo lo ka golegang motho e se mmolai. E bile fa a ka bo a bolailwe ke nna, kgotsa go na le ditshupo tsa gore o ipolaile ! Ke tlile go golegwa fela fa boRantleru ba ka palelwa ke go rarabolola malepa a polao e.
phofu: Jaanong ba tla itse leng fa re tlhalana?
MMalaBadi (Ka boikgantsho): Seako o botlhale, e bile o rata dilo tsa tlhamalalo.
Modise: (Ka boitumelo) Gape dikgomo tsa etsho di a thula. Nna ke a itse.
tshepo: O bona fa ke reng rremogolo Nna ke didimetse ga ke re sepe?
Rraagwe basimanyana le ene o ne a tshogile.
Ntlhodiela: go bakela mongwe leratla/modumo.
tshepo: Itlhaganele rra. A re pelo e ka nna ya ema nako le nako...
seako: Mogalammakapaa! E le gore ke kgopolo ya ga mang eo?
nakedi: (Ka go tshega) O mo jesitse boloko rremogolo...
kgoMotso: Ke setse ke ntse ke itemogetse mma.
Boipelo: Mosadi yo o se nang lerato mo monneng wa gagwe. Ke sematla ka a tsiediwa bonolo ke lerato la nakwana. O rata madi bobe e bile ga a ikanyege ka a sa tlotle maikano a nyalo.
lepodisi: Jaaka ke setse ke netefaditse gore ga a go nyala...
ntlhake: (O lesa go opela, o a itshebela) A ke eng seo... kana naga e ga e a robala. Ke tla dira jaaka e kete ke tla le mongwe. (O tlhatlosa lentswe) Itlhaganele, ke a go tlogela ao...
Thitokgang ke kgankgolo e go buiwang ka yona mo terameng. E ka sobokanngwa ka mola o le mongwe, mme mola o o tlhalosa ditiragalo tsotlhe mo kanelong ya terama. Morero ke tsela e thitokgang e tsamaisiwang ka yona. O amane thata le thitokgang, mme o phutholola thitokgang jaaka e tlhagisitswe ke mokwadi.
Monna: Borra, selelo sa Raditerekere re a se utlwa. Fela le ena, o dirile gore batho ba bantsi ba rekisetse Phika masimo, ka a ne a sa tlhole a na le maikaelelo a go ba lemela.
phika: Jaanong molato ke eng?
kgoMotso: (O a sunasunetsa) Mma, nna tse ke di bonang di tsitsibanya mmele e le ruri.
ntlhake: (O mo tsena ganong) A re tau ya bofelo e bolailwe ke mang?
nakedi: (Ka letshogo) Monna - ga ke itse, ntate o ile go re...
tshepo: Ke go fe nama ya letlametlo rremogolo...
Motswedi: (O bua a tshwenyegile) Mme fela leano la rona e nne khupamarama. A mmutla o se rothe madi ka gope. Golo fa re tshwere phage ka mangana. Fa re ka atlafala re tla phunyetsa pudungwana dintsi. Re tshwa- netse go iphutha metlhala.
Boipelo: (Ka go lela) Nka ya jang go mmona Ga ke na yo o ka kgonang go nkisa teng?
MMaseako: (O tsena ka dikopi tsa tee, go supa fa a hutsafetse) Ithuseng ka mogodungwana ke o borra.
MMaseako: Ga twe'ina la gagwe ke mang?
seako: Ga ke rekise tshimo, e bile go jala korong ga se maikemisetso a me. Ke rata dilo tsa tlhamalalo.
seleBaleng: (O wetsa setshego) Hae! E-e.
Konyakonya: Go kokota mo lebating.
phika: (Ka bonolo) A balemikarona ga ba ise ba go begele sengwe?
Boipelo ga a dirisane mmogo le batsadi ba gagwe a re, o sa le mošwa.
ntlhake: Ga go sa thusa sepe, pelo e e ka nne ya ema nako le nako...
phika: A ke o fetoge le dinako tsala. Mo dintweng tsele tsa botlhabatsatsi, ba bolaile balemi ba bantsi ba korong.
seako: Ke mang yo a mo tlisitseng?
kediBone: (Ka lenyatso) Lo ntse lo senya nako, mo fophe ka khiba setlaela se, a ga lo mo apese mosese e nne mosadi?
ntlhake: (Ka go tshega) Ke mašwi...
MMakgoMotso: Bathong! A o kile wa ya go mo kopa gore a go nyale?
Mokganatiro/molwantshi: Modiragatsimogolo yo o bakang ntwa/ yo o tshwenyang.
ntlhake: Ka re le tšhwatle monna...
Boipelo: Ke go tlhalogantse sentle rre Mathule. Wena o tla siamisa dipampiri tsotlhe jaaka o laetswe.
Mokgadi: (O arabela kwa morago) Ke fano rraabo. A o na le kgang?
Bafokeng! O le sekopa sa kgosi!
kediBone: (Ka letshogo) Rremogolo! Modumo o ntse o gola tlhe, a re potlakeng, pele selo seno se tla go re bolaela mono. A re lateleng kgosi!
phofu: Go siame ratu dinotlolo tsa ntlo o ka di tshola mo go wena.
lepodisi: Tseo ga se mathata a me e bile ke tloga ke go okeletsa ka dimpama gone jaanong.
Ditsala di ne di tla mo ja ditshego. Mmatsalagwe o ne a tla mo kgoba ka mafoko.
Monna: Go tloga gompieno, a itse gore ga re sa tlhoka diterekere tsa gagwe.
RantleRu: O itse sentle gore mosadi o gana go go bulela, monna. Tsamaya o ye go robala kwa o tswang teng.
MoRwesi: (Ka letshogo) Ke sepoko! Ke tla dira eng jaanong Sa re ke boe mme ke batla go swa le ngwanake, ke swe le batho botlhe ke ye kwa go ngwanake le monna wa me ga mmogo le batho botlhe ba ba feletseng teng?
MMaseako: Le gale re tla bona kwa mmu wa sekara o tla welang teng.
lepodisi: Dumela mma.
Modise: Ba kgaotse terata ya tshimo ya etsho.
lentswe: Ke nna Phoka! Rraagwe dikgosi le dikgosana tsotlhe tsa Phokeng tsa bogologolo, ga o ka ke wa mpona, le gona ga o ka ke wa nkitse. Fela ka re boa koo!
Setlhakanatlhogo: Motho yo a dirang ditiro tse di sa solofelwang ke batho ba bangwe.
seleBaleng: (O gakgametse le go ipotsa) Go a gakgamatsa nako e abuti Phofu a ise a goroge go tswa go tshela peterole. E le gore o tshwerwe ke eng Ga ke bolo go ipaakanya le go leta?
Monna: Ba ntaetse go tla go tsaya madi a tshimo pele ga ura ya bongwe, ke bo ke tswe ka motse.
Ke ka se mo letle gore a bee lonao mo teng ga ntlo ya me.
Ranko: (Ka selelo) Boipelo ngwanaka, re utlwile tsotlhe. Ke maswabi e bile ke hutsafetse go go itsise gore mmaago o robetse. O bolailwe ke pelo mo mosong ono.
Modise: (O a tshoga) Mama.
kgoMotso: (O tlhakantse le selelo) A rre o raya gore o ntatlhela mo magaleng ke ntse ke re ke a tshabetse mo go ene tota...
MMakgoMotso: Tota fa o garumela ngwana jaana, o a re a go arabe jang?
kgoMotso: Hee! O kae rre e bile ke lebala go botsa ka ga ene jaana?
phofu: O tsene ka phoso mo tlele seipone a ipone.
Mokgadi: (Ka go tshwenyega) Mogatsaka Ranko, ditiro tsa ga Boipelo ke tsa motho a loilwe. Ruri nna di ntshwenya mogopolo. Bona jaaka ke fela. Ke setse ke le letlhokwana fela la mosadimogolo.
seako: (O felelwa ke mowa) Ga ke dumele. Rona balemi ba mmopo, re fetoga ba korong ka motsotswana?
1.2 BO TLA SA JANG (A moithuti o kgona go lemoga go siama / go sa siamang ga ditshwetso tsa badiragatsi bangwe). Ntsha maikutlo a gago ka dintlha di le sometlhano (15) ka ga tshwetso ya ga Kgomotso mabapi le mathata a gagwe. A o itirela molemo A mabaka a gagwe a a utlwala Wena o ne o ka dira eng fa o le Kgomotso?
thipe: Fa e le thato ya gago eo rremogolo, go siame. O tla nna le rona ka mo o ratang ka gona...
Boipelo: Motswedi moratiwa ga o tlhaloganye. Go tloga fa ga go thuse sepe. Nka se kgone go go tsaya jaaka monna wa me. Go tla raya gore molao o itse. Fa re reka ntlo koo, Mathule o tla tshwanela ke go itse. Fa molao o itse, Mathule a itse, re latlhegelwa ke leruo lotlhe. Le gona batho ba inšorense ga ba ise ba duele. Madi a ke a dirisang ke a ke a neelwang ke banka ka tetla ya ga Mathule.
Ranko: Ngwanaka, leka go tlotla moswi Ramarumo. Ga a na lobaka a tlhokafetse. Bona jaaka o ntse jaanong. O setse o 12 apotse bontsho. Go reng ngwanaka?
tshepo: Letlametlo ke le tshwaretse au Khutsepe ka fa molapong fa ke ne ke ile go thiba dikgomo...
kgoMotso: Ke ne ke gopotse gore nyalo e, e tsile go fetola botshelo jwa jwa me le gone go bo tokafatsa mma.
phofu: Ga ke go tshwae phoso thata. Ke itse se se go lerileng fa.
MMakgoMotso: Mo neye sebaka a tlhalose tlhe...
Boipelo: (Ka makgakga) Wena Moswinini o itshwenya ka Moratwe. Dithuto tse tsa bona ga di ba rute sepe. Motho wa teng o setse dilo tsa bogologolo morago. Fa o ka mmotsa gore go reng go aparwa bontsho, o tla go raya a re ke kutlobotlhoko. Nnyaya, nna ga ke dumele.
MMalaBadi: Re a leboga.
Bosalala: O ne o le soomamang wena Le nna ke tloga ke go okeletsa?
MMakgoMotso: Jaaka Mmopi e le ene fela a itseng go fetola maemo a loapi, le a botshelo o kgona go a fetola ngwanaka fa o kopa thuso mo go ene.
MMalaBadi: Ga a fetsa ka go re ke go ikantse fela. (O bua o ka re o hutsafetse) O rile 'tsatsi lengwe bomatla ba me, bo tla mpaya mo bohutsaneng?
ntlhake: (O a mo nota) Khutsepe ke mang mh... ka re ke mang...?
lentswe: (Ka iketlo) Ke nna kgosikgolo ya lona Bafokeng ba ga Motlatla. Ke nna ke dirileng gore mosadi yono Morwesi a sale, a tie a tshole mosimane yono wa Sanka-tane gore a tie a lo golole mo diatleng tsa kgosi e e neng e lo patika, lo ntšhwafale. Mme ke ene kgosi ya lona. Ke yone kgosi ya me e ntšhwa e ke lo e tlhophetseng.
Mokgadi: Wena o mang ngwanaka?
Go nako ya maitiso.
Boipelo: O raya jang?
Buisa tsela e e latelang ya tshekatsheko gore o tle o tlhaloganye diteng tsa terama e.
Modise: Le nna mama, ke mo goditse. A ga go a nna jalo mama?
ntlhake: Letshoroma banaka, mmele otlhe o o a roromela.
seako: (O a bitsa) Mmalabadi! (Tidimalo) A ke o bue, tsala ya ka e e rategang. O bolailwe ke mang (Tidimalo) Ga twe o bolailwe ke bomang?
MMakgoMotso: (Ka kgakgamalo) O a re wa ga Phofu?
Moswinini: (Ka go nyatsa) Wena Moratwe o tshwenngwa ke dithuto tsa gago. Nna ga ke batle batho ba re ke fufegela dithuto tsa gago. O rutegile, o montle, mme ga o bue jaaka setlhalefi.
thipe: Fa ke re o godile, o tshwanetse wa ya go ikhutsa kwa gae...
tshepo: (Ka go tshega) Ga e tshwenye o tla gola ka yona rremogolo...
sankatane: (O bua a le esi, o a seba) Mme o thulametse, nte ke simolole go lootsa tshipi e ya me e. Ga nka ke ka dumela gore Kgodumodumo e bolaye rre nna ke sale le mme fela re le babedi, bona fela jaaka a sotlega. Ke tla lootsa tshipi eno ke e dire bogale jaaka thipa, mme e nne motswi jaaka lemao. Fa ke feditse, ke tla ngwega mme a sa robetse ke ye go e tlhaba ke e bolaye. Ke tshwanetse gore ke bone rre pele bosigo bo sa. Ke tle ke utlwe mme fa a mpoka a re "Ke Sankatane mosimane wa phoka wa ga Mmaphalanyana a Motlatla matodi magana letsholo fa ba ja ga ba gadimane ke magadimana ntweng."
kgosi: (Ka letshogo) Ke eng! Lo ntshosetsang?
seako: O kobile batho ba ba neng ba kotula Ke mang ene yoo?
Nagana ka madi a mantsintsi a re yang go a bona. Diketekete.
RakgoMotso: E le gore fa e kete ke nako tsa go tlhatlega dipitsana jaana, wa gago monna o apeetswe ke mang?
Monna: (Ka bonako) Mogatso o kae?
tshepo: Itšhuu ke tla le bolaya jang o ntshokolotsa lebogo...
tau: (Ka kutlobotlhoko) Nkoko le wena o ka nthusa, ke makgabe a dipapetla. Ke tla jaana ka pego. Boipelo o tshwerwe.
ntlhake: Ke tlile go itoma monwana ka nama ya koko nka se tlhole ke go jesa boloko ba kgomo. (Ka go supa fa a sa tshepe basimane) Nte ke bone. Monna, ntlhang go a kunyakunya...?
kgoMotso: (O rata go lela) Ee mma, o ratana le Phofu.
seako: (O bua o ka re o lapile) Ke a imelwa mogatsaka. Balemi botlhe fa ba tshwenngwa ke Phika, le fa e le ka selo se sennyane, ba lelela mo go nna.
ntlhake: (Ka lentswe le le teteselang) Ke a bobola banaka, nka se ye go gama le lona.
MMaseako: Ke a tshepa gore ga o ise o lebale gore o ntsholofeditse eng.
Mmaagwe Boipelo, Mokgadi o jewa ke pelo ya ditiro tsa ga Boipelo. O setse a bopame.
ntlhake: (Ka bonako) Ijo pelo e a ema... Tabogang le ye go bitsa rraalona.
b. Kgotlhang/Bothata Kgotlhang/Bothata ke ntwa kgotsa ngangisano e e nnang teng fa gare ga badiragatsi. Kgotlhang e mela mo morerong.
MMaseako: Kana o tlhokomele gore botshelo ba gago bo mo kotsing.
MMaseako: A o batla go re isa kgolegong?
RaditeRekeRe: (O hutsafetse) Molato wame ke eng morena A diterekere tsa me ga di go kgotsofatse?
Boipelo: A re re ka se kgone go nyalana. Ramarumo o fetotse tshupaboswa ya gagwe pele a tlhokafala.
seako: O ba ikutlwetse.
MaBinagotsholwa: Lo a re nna nka dira eng A ke kgosi?
Ramarumo o ne a tlhokafala kwa kokelong.
Ya borataro: "Moipolai yo o sa lelelweng". Bopodi ba kgonwa ke ba ba dinaka.
ntlhake: (Ka boitumelo) A le le bolaile?
Go ya dijong le Selebaleng kwa hoteleng.
sajene: Rantleru, kopela Bosalala le mosadi yo. Ba tla bua kwa pele.
lepodisi: Ke lebogetse dinotlolo tsa motho mma fa o ne o dumalana le Phofu ke ne ke se yo...
ntlhake: (O mo nota gape) O ka se tlhole o dirang ke tla go ja ping ka dinala, ditsebe tse... ga di utlwe... setlhong sele se kae ke go ngwae maragwana a a sa utlweng a...
seako: (O galefile) O kgaoletseng terata ya me monna O kobetseng badiredi ba me?
Boipelo: Lefufa ga le thuse.
seako: (O tshega setshego sa boitumelo) Go a itumedisa mosong ono rre Phika. (Ba tshega mmogo) Monongwaga e ka re re tla kotula fa go tlalang seatla.
Boipelo: (Ka go tshwenyega) Molato e le eng rra?
MoRwesi: (Ka bosilo) O lelela eng Tabogela kwano ka bonako Kgodumodumo e etla. Mpolelele gore o lelela eng Molato ke eng?
MMalaBadi: Ga go jalo rre Seako Borre ba, le bona ba ka paka. Rre Phika o ne a bua jaaka motho yo o tshikhinyang fa re ka kopanya masimo mme ra lema korong. Fela, ga re a dira tshwetso epe nae?
Mokgadi: Nnyaya Ranko, mo itshwarele jaaka mosimane wa lesutlha a kile a itshwarelwa. Phoso e dirwa ke motho.
sankatane: Tidimalo bomma le borra! A lo bona phologolo e e robetseng fa e?
Thaego: Mogapatiro o bega bothata ba gagwe.
Batho: (Ka boitumelo) Gola kgosi ya rona! Gola mosimane wa Sankatane. Gola Phoka o re buse! Pula! Phoka!
Mokgadi: (Ka letshogo) O tshwerwe Jang O dirile eng?
1.11 Kwala lefoko "sssoomamang" ka botlalo.
Badiragatsi/batshameki: mo ditiragalong tsa terama.
tau: Nnyaya, ke gore o ntshoganyeditse. Le tsoga jang?
Setlhoa: Kgato ya poloto ya terama e mo go yona badiragatsi ba laolwang ke maikutlo/Tshisibalo.
sankatane: (Ka go rapela) Borra le bomma, reetsang kgosi ya lona e bua le lona.
seako: Mmaago Modise, ke batla o ntlhaloganye sentle. Lefatshe leno ke a le rata. Go feta foo, gore ke fuduge mono, ke gona fa ke kgaogane le temo.
RakgoMotso: (Mongwe o a konyakonya) Kotikoti...
Tharabololo: Kgato ya poloto ya terama e mo go yona ditiragalo e leng tse di rarabololang kgotlhang.
sankatane: Mma! (Tidimalo) Kgodumodumo eno ke eng A ke motho yo o tshwanang le nna kgotsa a ke kgomo?
ntlhake: (Ka boitumelo) Ke lebogile basimane ba me. Maitseboa le tleng go itisa le nna re tle re beseng dikgaka. Ke tsogile ke tshwere tse pedi...
kediBone: (Ka lenyatso le ka selelo) Hee kgosi ke wena! Fa o ntse o boela kwa morago jaana o ire jang Tsamaya o ye go bolaya selo sele?
tshepo: Se senye sebaka rra, a re ye go mmona.
RantleRu: Tswaya ka tsona monna.
thipe: Le wena ke wena o ba senyang...
lepodisi: Gomotsega tlhe ngwana wa batho...
Modise: (Ka boikgantsho) Mama, gape wena ga o nkitse pila. A mama a mphe sethunya sa ntate, ke mo supetse gore nka se fose ntate Phika.
Mathule: Fela jaaka ke setse ke kaile, go tshwanetse ga nna le dipatlisiso pele o ka bona kabo ya madi. Gape o itse gore fa o ka tlola taelo ya ga moswi Ramarumo, o tla latlhegelwa ke madi otlhe.
sankatane: Mma fa e le phologolo e tona jaana e ka tsena jang mo khuting e nnyennyane jaana?
tshepo: Ga ke re ke wena o reng fa o ne o le lekolwane o ne o ipitsa Khutsepe.
sankatane: Mma ke dira lerumo, ke batla gore ke ye go tsoma ka lone, ke tle ke go bolaele mmutla.
Mathule: Ke maswabi fa go le jalo.
MoRwesi: Bomma le borra ke ne ke...
MMaseako: Modise tsamaya o ye go ikhutsa ngwanaka. O tsogile o thothile dikgetse tse di bokete tsa mmopo.
RantleRu: Ga a ye gope. Gongwe ke ena mmolai.
MMalaBadi: O file banna ba ba lesome ba masimo a ka kwa morago ga ya gagwe tšhelete, e bile ba fudugile ka ona motsotso o.
Boipelo: A o tshotse tshupaboswa eo fa?
Mokgadi: Dumela ngwanaka. Setulo ke seo.
Ga ba a ka ba tsaya mafoko a mmegi tsia mme ba ne ba simolola go otlhaiwa.
kgoMotso: (O a sunasunetsa) Ee mma...
Go lemosa baithuti botlhokwa jwa maduo a a abelwang dipotso mabapi le tekanyetso ya boleele jwa dikarabo gore palo ya maduo le boleele jwa karabo di tsamaisane.
Ranko: (Ka go gatelela) Boipelo ngwanaka, nna le mmaago re tlile mo go wena go go tlhaba podi matseba ka maitsholo a mosadi a tshwana le wena jaana. Se re tla se buang ngwanaka, re setse re se buile. Re utlwa botlhoko thata go utlwa dikgang di fofa le mowa jaana gore o setse o nwa e bile o iponetse segatamarukgwana se se tlholang fa le wena.
tau: Ke a leboga.. . Le tsoga jang mosadimogolo?
Boipelo: (Ka bonako, le ka letshogo) O a re go diragetse eng gore a bone kotsi?
tau: (Ka kutlobotlhoko) O tshwaretswe polao. Fa re ntse re dira dipatlisiso, re fitlhetse bopaki jwa gore ngwana wa gago ke mmolai wa ga Ramarumo.
1.2 O folosiwa mo go eng?
phika: (O a gatelela) A ke o se nnyemise moko. Kana monna ke monna banneng. O se ke wa ithata o le esi.
RantleRu: Bosalala, gore ke mogoloo kgotsa gore motho yo ke eng sa gago, ga go nthibele go diragatsa maikarabelo a me mo mabakeng a a ntseng jaana. Motho yo, o na le beng, mme ba tlile go batla go itse gore o swela jang mo ntlong ya gago. Ba tlile go batla go itse gore nna ke le lepodisi, ke dirileng. Kgotsa o ne o batla gore ke nnele go bokolela jaaka wena?
kediBone: (Ka letshogo) Nnaare motho yo o buang le rona jaana mme re sa mmone, ke mang, gona o fa kae?
Mathule: Nnyaya, ke ne ke re lo ele tlhoko. Tshwetso ya lona ke e kgolo mo kgetseng e. Nka tla ka leofa fa nka se tshegetse keletso ya ga Ramarumo. Selo sengwe morwaarra, itse fa ke direla Ramarumo le fa e bile...
Motswedi o iphitlha mo kamoreng fa ba goroga.
ntlhake: Kana wena e bile ga ke a go fafadia ka setlhong maabane nka se somola, e re otšhe...
3.11 A, o akanya gore Boipelo le Motswedi ke bone fela ba neng ba itse ka togamaano ya loso lwa ga Ramarumo?
sankatane: Didimala mma, didimala! Ke tla e direla leano. Ke tla feletsa ke e bolaile le yone jaaka e bolaile rre.
MMakgoMotso: Ao Rakgomotso...
Motswedi: (Ka go gomotsa) Iketle Boipelo. Ke ganane le leano leo la gago. Ke nnete, mabaka a a jaana a tshosa e le ruri mme ka ke go rata, ke batla go go golola mo go Ramarumo. Ka jalo maikemisetso a me mo tirong e, ke a gago. Ke tla dira maikemisetso le maikano a rona.
seleBaleng: (O lela botlhoko) O ne a tshwa tshwanetse go nnyala.
MMakgoMotso: Tota ga twe o motho wa mofuta mang wena he?
thipe: Ke rile le ye go gama, le batlang fa?
Morero/thitokgang: Modi wa kgang.
ntlhake: A kgaka eo ga e ise e butswe E fetole?
killeR: (O bua ka koafalo) Di tloseng. Di nthobakanya dikgopo, tlheng...
Mokgadi: (Ka go rapela) Ngwanaka nkutlwelele ke a go kopa. Kana re tshwanetse ra go kgopolola fa o fosa. Fa re go tlogela re tla bo re leofela Rramasedi.
Fa e le nna nka ntsha mosetsana yo mo ntlong ya me.
O makgakga ka a ipuela jaaka a rata mo mosading wa motho.
Motswedi: Tlogela ditshele Boipelo. Ke ga kae ke go bolelela gore o se bue jalo?
seako: Mogatsaka, o se ke wa lebala. Ke batla seporei seo se felela ka mo matlhong a bona.
MoRwesi: E ka tla ya re bolaya ngwanaka.
seleBaleng: A Phofu o go romile kwano rre wa lepodisi?
d. Molaetsa Molaetsa ke thuto e moterama a batlang go e naya babuisi. Ona o senoga kwa bokhutlong jwa ditiragalo, go ya fela ka tsela e kgotlhang e rarabololwang ka yona. Le fa re ka se dumalane le ene gona ene o a bo a rialo.
ntlhake: (Ka bogale) Le sa ntse le boeletse le (O tshwara Nakedi) Ke go tshwere, o ka se tšhwemole...
Mokgadi: Bua mme ke reeditse.
Mokgadi: Re tsogile Boipelo. Re botsa wena matso-go.
MMakgoMotso: Go jalo Kgomotso ngwanaka; se malomaago a neng a go botsa sone fa a ne a re bo tla sa jang...
Boipelo: Ke tla go leletsa mogala fa ke go tlhoka. Ke ne ke rata go ya go ikhutsa.
Go tlhalosa setlhogo, gore ka tlhaloso fela baithuti ba kgone go nna le ponelopele ka ga diterama tsa radio tse di yang go sekasekwa.
1.1 BA TLA NKITSE Tlhalosa ka dintlha di le someamabedi (20) se se diragetseng morago ga loso lwa ga Ramarumo.
seleBaleng: (O ntse a lela) Ka dinotlolo ga ke gane ke tse fe... fela ke ne ke botsa gore ke dire jang ka ngwana yo o tla tsholwang?
1.13 Ke mang yo o ntseng a fepiwa ka bojalwa?
MMakgoMotso: Hm! Ga ke itse gore o a bo a tsile go e amogela jang ruri e le setlhakanatlhogo sa motho le ene...
RantleRu: Ga ke go botse ke a go bolelela. E seng jalo o tla tlhalosa gore o lotleletswe ke sepoko sefe kwa ntle. Tshaba ke robe lebati le. (Bosalala o leka go mo rapela. O mo kgaoletsa ka bogale) Tshaba! (O roba lebati) Ke tla ke siane ke bona motho fa lebating la gago ke ithaya ke re o a senyediwa. Ka re ke a go thusa o...
E ne e re fa e rora lefatshe le rorome.
MMakgoMotso: A kaya fa a mangwe malatsi a tlhaba ka mogote o o ntshang tlhapi mo metsing, kana ka diphefo le dirame...
Ka a ne a akanya gore Kgomotso o tla ngalela ruri a se boe. Kgomotso o ne a tla latlhegelwa ke kgetse bonolo ka a ne a sa kobiwa ke mogatse e bile a sa bediwa/itewa.
ntlhake: (O ngadile) Ntlhang o ka re lo a ntsheba Ke tla ntsha setlhong gona jaanong. Nakedi ke eng?
phofu: (O a tshegatshega) Ke go reile ka re seo ga se kitla se ntsaya le fa e le sebaka sa kgwedi. Nna ke a itse gore ke tla dira jang.
tau: Mathata ga a teng. Ke botsa wena!
kgoMotso: Ke sone se se nkemisang tlhogo seo...
MMakgoMotso: (Ka bogale) O lenyatso jang ! O tsenya basetsana mo ntlong o ntse o le teng?
Bosalala: (Ka bogale) Monna, fologa o tsamae. Ke se tlhole ke go bona. (O thubaganya lebati la koloi, o a e dumisa, o a tsamaya. O bua a le esi) Nnuku, Nnuku! Nnuku e ne e le sssoomamang! Rona re itse boMmemme.
kedisaletse: Nnyaya rra re ne re re o re tsamaise tsela re ye go kopa kgosi gore e re senkele lefelo le lengwe re se ke ra swela mono.
seleBaleng: (O ntse a lela) Jaanong ngwana wa gagwe o ya go tlamelwa ke mang ka a nkimisitse?
3.9 Kabo ya dithoto e ne e sa phatsime jaaka fa e lebelelwa mo dipampiring. Go ne go le sekgwagenyana se se neng se tla kgoreletsa Boipelo go itumelela boswa jaaka a ne a akantse. Sekgwagenyana se ke eng?
Motswedi o atlhotswe dingwaga di le lesome, Boipelo di le tharo.
Boipelo: Ee, Mathule. O ne a ile go nthadisetsa ka ga kabo ya boswa. Ke itsholela go nna magalamasuge mo tirong e. Nko go se dupe. O a itse gore a reng?
Tharabololo: Ditiragalo tsotlhe di lebisa kwa tharabololong ya kgotlhang.
Mokgadi: (Ka go rapedisa) Ngwanaka, re utlwelele. Re batsadi ba gago. Ga re batle o tsena mo mathateng re le teng.
phika: (O galefile) Ke lwa le go kgomagantsha masimo gore diterekere tsa gago di bone tiro e e ka go phedisang, fela wena ga o nthuse. Batho ba bangwe ba setse ba batla le go mpolaya mme ke tlhoka mothusi.
Ranko: (Ba tsena ka lebati) Dumela Boipelo ngwanaka.
Mokgadi: (Ka go kgalemela) Boipelo ngwanaka, o tsamaya tsela ya lefifi. Mosadi ga a dire jalo.
2.3 Kwala dipolelo tse di latelang ka mafoko a gago: "Ke tlile go go bolaisa diatla" (4) "O tsile go le wetsa ka lengope" (4) "Ntswele ka kgoro!"
MoRwesi: Ngwanaka, batho ke dilo tse di tshwanang jaaka nna le wena.
o re ke lesilo e bile ke senokwane Ntswele ka kgoro! Tsamaya! Tsamaya kwa ga Seako ntataalona?
seleBaleng: O ntse o akantse le foo...
sankatane: Mma ka re ke batla rre! A re ye go mo ntsha kwa Kgodumodumong ele?
Bosalala: Rantleru, ke a itse gore o lepodisi. Ke a itse gore o a mphenya. Ke itse gape gore o mogolole. Se ke sa se itseng...
seako: Golo fa, o ka re o tsile ka maikemisetso.
lepodisi: Tota ga ke itse gore o tsile go e tsaya jang kgang e...
Boipelo o a lela o kopa maitshwarelo.
Ke batsadi ba me, tlosa dino tseo o be o iphitlhe Motswedi. Tsena kwa phaposing ya me. Dira ka bonako! (Go kokota mongwe) Tsena!
Moratwe o utlwile Boipelo le Motswedi ba bolela ka fa ba bolaileng Ramarumo ka teng.
tau: Ke tlile mabapi le ena Ramarumo. (O bua ka pelo e e botlhoko) Mma, ke Sajene Tau wa matseka a Hammanskraal. Ke tla jaana ka dikgang tse di bosula e le tota. Rre Ramarumo o bone kotsi ya sejanaga kwa Klipdrift. Tota o gobetse mo go sa jeseng diwelang. O setse a rometswe kwa kokelong.
Monna: Nna le banna ba ke neng ke na nabo, re rile ga re tsamaye fa Seako a sa tsamaye.
Go motshegare, go ema sejanaga kwa ntle, Boipelo o gakgametse gore e ka be e le mang?
MoRwesi: (Ka letshogo) O mang Ke utlwa eng Ke ntse ke re ke nna fela ke setseng mo lefatsheng leno Jaanong wa bobedi o tlhaga kae O mang wena o mpitsang ke sa go bone O fa kae?
nakedi: Ga go kunyakunye sepe rremogolo. Ke mpho ya gago. Ga ke re ke letsatsi la gago la matsalo gompieno?
phofu: Boa! Boa koo! O tswa go tsaya ditlhare kwa o tswang go di tsaya teng o tsile go di tshasa mo phaposing ya me!
RaditeRekeRe: (O hutsafetse) Seako a o ke o nthapelele mo banneng ba.
MMakgoMotso: O ne a go tiisetsa gore o ithute go itshoka ngwanaka.
seako: (Ka go gatelela) Go tloga gompieno monna, o se ke wa tlhola o arabisanya le ope. Le fa a ka go kgopisa jang, o nne o itidimalele.
sankatane: E rile ke goroga mo lefatsheng leno ka fitlhela e le nna le mme fela, mme ka gakgamadiwa ke matlo le masaka a mantsi gore a tswa kae le gore batho ba ile kae le diphologolo tsa bona E rile ke botsa mme, a mpolelela fa lo jelwe ke Kgodumodumo. E rile ke mmotsa gore rre ene o kae a mpoielela fa rre le ene a jelwe ke Kgodumodumo. Pelo ya me e ne ya utlwa botlhoko mme ka loga leano la go e bolaya. Ke ne ka senka tshipi, ka dira lerumo, ka e lata, ka simolola ka leleme la yona fa e ntse e re e a ntshwara ka nna ka le kgaola, mme e rile ke utlwa gore ke lapile, ka ineela gore e mmetse ga mmogo le lerumo la me. E rile ke tsena mo teng ga yona, ka e kgabetlelela malanyana ka e phunya mpa. Ke fa lona le rre le diphologolo tsotlhe lo tla tswa jaaka lo ipona lo dule jaana?
ntlhake: Le latlhele fale (Ka boitumelo) O a bona gee, le a swa...
phika: Ke gona o tla ntumelang Killer fa ke re mothaka yo, o na le nkane.
kgoMotso: Jaanong ke dire jang jaaka a neile batho dinotlolo jaana?
Boipelo: (Ka selelo) Rra.. . intshwarele.. . ke ne ke direla mo lefifing. Ke ne ka raelwa ke lorato lo e seng lona lwa ga Motswedi. Moswinini ke noga noga e e raetseng Efa... ruri batho bao ke a ba ila... A rra o tla intshwarela... Go raya gore nka se kgone go boloka Mme...
nakedi: (Ka letshogo) Tshepo, mo tshware, bona o ferola matlho, o a ngatega...
MMaseako: Ke sone se lo se itseng batho ba mono, go thibela kotsi ka maphelo a batho ba bangwe.
Mokgadi: Re a leka ngwanaka. Re itshelela ka mathata. Ga re na ditlogolwana re ka bo re roma.
nakedi: Ao rremogolo! Re ne re itshamekela...
Boipelo o ikotlhaela se a se dirileng.
Batsadi ba ga Boipelo ba bolola go ya go mo gakolola.
Ditiragalo tsa terama di a khutla gonne kgotlhang e fedile.
Setlhoa: Go a sisibala mme badiragatsi ba dira ka go fekeetswa ke maikutlo.
O lenyatso le le feteletseng ka go tseela motho monna.
seako: (O tsholetsa lentswe) Lona lwa re eng, banna (Ga ba mo arabe) A re utlweng rre Mmalabadi ka a tsholeditse seatla?
sankatane: Jaanong ba ile kae mma?
Motswedi: (O tsena ka lebati) Dumela Boipelo. Go reng e kete ga o a iketla Ke eng se se go gonyang maikutlo?
Moswinini: Dira moletlo wa diragadibonwe. O bitse ditaitai tsa motse ono. Ke raya gore ba tla go itse.
thipe: Ao rre Ntlhake, le itisitse go lekane monnamogolo. E kete le ka tima molelo oo la ya go robala. Basimane bao ba tsoga ba ganelela mo dikobong fa ba riana...
MMakgoMotso: Bosa joo o ne a lebisitse mo botshelong ngwanaka?
MMegi: Lentswe le ne le utlwala mo motseng otlhe. Rremogolo Mabinagotsholwa le ene o ne a utlwa lentswe la Kgodumodumo.
ntlhake: (O a mo ngapa) Ka re Khutsepe ke mang?
kgoMotso: (O a sunasunetsa) O se ka wa lebala gore batsadi ba me ba itse o nnyetse Phofu...
3.13 O tla itsiwe jaaka mmolai yo o setlhogo.
seleBaleng: (O a lela) O ntshosa fela...
O rata dithoto tsa batho ba bangwe, tse a sa di direlang.
sankatane: Ke nna ke itseng bagaetsho! Fela ke ne ke kopa gore lo mo neye sebaka a bue.
seako: (Ka mafega) Phika, Phika... Hei wena Phika!
A moithuti a ka buisa, a bo a tlhaloganya tatelano ya ditiragalo ka botlalo. A o kgona go itse gore karabo ya gagwe e simolola ditiragalo fa kae, e di feletsa kae?
kgoMotso: (O akanya ka kutlobotlhoko) Ga ke itse gore ke wa ga mang fa ke kobilwe kwa lapeng jaana (O a sunasunetsa) Le fa nka re ke ya go ikhutsa tlhaloganyo kwa ditsaleng tsa me, di tsoga di ntshega ka moso di dira metlotlo ka nna. Fa e le kwa ga mmatsale gone, nka tswa ke sulafaletswe go gaisa kwa ga me Hee, ba simolola go mpolelela fa meratiso e ke e jesitseng Phofu e phophile, jaanong ke feletswe ke maano jaaka ba tlwaetse go bua... hae! le gale ga go tselapedi, ke tla boela teng kwa ga Phofu kwa, a ye go nja ditshego le mogatse... gongwe le nna ke tla bo ke tlhabelwe ke letsatsi la bokhutlo jwa mathata a me..?
o se ke wa tswa. Fa e ka go bona e tla go tshwara ka leleme la yone e go gogele kwa go yone.
tshepo: Ga re itse rremogolo...
Mokgadi: (O bua a le esi) Ruri bana ba dubisa thankga. O mo godisa ka thata, kwa bofelong o go phuaganya jaaka legala le le fisang. Ruri lefatshe le tletse ka meleko. Nta ke tswelele pele ka tiro ya me.
ntlhake: Se tshwenyege ka sona ngwanaka. Nako e gaufi, fa nka itshwela go ka nna molemo...
nakedi: E ka bo e le ene, a ka bo a dirisa setlhong go re tsosa rremogolo.
phika: Nnaare leina la me le na le sukiri, fa o nnetse go le bitsa ga lekgolo jaana?
MoRwesi: (O a lela) Ngwana yo fa e sa ntse e le lesea jaana, le gone le le kananyana a ka bolaya phologolo eno e e jeleng banna le basadi, ya be ya fetsa ga mmogo le leruo la bone jang (O bitsa gape) Sankatane bona koo e tla go metsa. Sankatane?
phika: E kete ga o lemoge sengwe tsala ya me.
O bua ka boipelo a re o ne a sa ntse a le Khutsepe.
Badimo ba ne ba romela kgodumodumo gore e tle go ba metsa.
MMaseako: Ee, e etla. Se itlhokofatse go le kalo rraago Modise. Mmolai kgotsa babolai ba ga Mmalabadi ba tla bo ba bonwe.
Boipelo: O bua ka tshotlo Nnyaya go timetse wena. Nna ke na le tsotlhe. Moratwe o mpolelele a o tlhaela madi, ke tla go thusa. O se ka wa kopa ka tsela e e motsopodia?
MMalaBadi: (Ka bogale) Ee ke wena!
Boipelo: (Ka go makala) A Ramarumo o fetotse tshupaboswa ya gagwe?
Boipelo: Go na le koloi e e emeng fa ga me Motswedi. Nta ke tlhole. Tidimalo.
Ya re fa e re haaauuu, a e tlhoma matlho.
b. Bo tla sa jang?
MonnaMogolo: O buile mmaarona, o buile mmakgosi ya rona. Wena kgosinyana ke wena ya molotsana o leboge mmaarona fela, go seng jalo ke ne ke tla go kgama ka kgole go fitlha o swa.
Batho: Pula! Pula! Phoka! Mosese, mosese, mangole le menwana ka S.J.
Boipelo: Tsena o nne fatshe. Dikgang di mafaratlhatlha.
tshepo: Nama nama ya koko... sešabo sa ga Khutsepe monna...
phika: Kgale ke go bolelela Seako. Gompieno o kopane le dithaka tsa gago.
MMaseako: Ga ke itse. O mo tlisitse fa, a sa kgone le go bua.
2.1 KHUTSEPE Anela kgang ya ga Ntlhake fa ba ne ba tsoma ditau. Kanelo e nne mela e le someamabedi (20).
Go nna mosupatsela go barutabana fa ba tataisa baithuti.
seleBaleng: (O a gakgamala) Ao! Ke bonang bathong?
lepodisi: O ne a pitikologa ka sejanaga a retologa mo khoneng ka lebelo le le boitshegang.
Mmui wa mafoko a ke mang?
Monna: Ga twe ke Killer. O na le matlho a masesane, e bile o tletse le mabadibadi mo sefatlhegong.
kgoMotso: (O tlhakantse le selelo) Mma tlhe tlhalosetsa rre gore go diragetse eng bathong...
lepodisi: A ke wena mogatsa Phofu mma?
lentswe: (Lentswe le lekima) Lona morafe ga mmogo le kgosi ya lona, ke le boleletse fa badimo ba sa itumela ka gope ka ga tsela e le tshelang ka yona.
MMaseako: (O galefile) O a ikutlwa jaanong Modise?
RaditeRekeRe: (O lela selelo se se botlhoko, o wela fa fatshe). Seako ke tla go rutela ba bantsi. Bona gore o setse o tsepaletse jang.
MMaseako: Le gale, re tla tsoga re bona gore Phika o tswa go ithuta mathaithai afe kwa Gouteng.
MMaseako: Nna ke batla dilo di boele mannong.
phika: Lo kae rra?
feke: Ga ke re le thubile lebati, la sianela setopo kwa mojakong wa kamore Ga ke re le ne la sianela go phuruphutsa dikamore le mafesetere?
ntlhake: (Ka matlhagatlhaga) Ke sa ntse ke le Khutsepe monna (Basimane ba a tshega) Monna namane e tona ya mariri... ya re haaauuuu... lefatshe la roroma... ya re haauuu... gape ...ka e tlhoma matlho... ya re fa e tla e ntebile...
Goreng ba sa batle go bonwa kgabetsakgabetsa ba le babedi?
RantleRu: Motho yo, o bolaetswe mo. E seng kwa ntle. Bona masuputso a. Le gone a ka bo a swetse gaufi le lebati. Jaanong ke yole kwa mojakong wa kamore. Ke go raya ke re o bolaetswe mo. A lebati la berebere ke le le fa le le ka inotlelang fa o le tswalela ka fa ntle?
sankatane: Borra le bomma! Dirang gee jaaka yo mme a boletse, mme e re lo sena go dira jalo, lo tle go tlhaba lo apeye malwa lo dire mpho ya badimo. Nna ga ke batle go bona ntšwa e ntse e gogagoga lesapo la motho.
1.7 Ntlo ya go ikutswa ke ya ga mang?
kedisaletse: (Ka letshogo) Le nna ke tshogile, monna yo o letseng a bua le rona maabane a re bolelela fa badimo ba tenegile mme ba tlile go re romelela Kgodumodumo go re feleletsa ga mmogo le diruiwa tsa rona, a ga se ene gape yo o buang yo?
sankatane: (O maketse) Ao! mma, a selo sele ga se thaba?
phika: Owaii! O ntlhomola pelo. Moeteledipelenyana yole wa lona Seako, o tsile go le wetsa ka lengope.
1.6 Selebaleng ke motho yo o ntseng jang Naya dintlha tse tharo?
2.7 Mmalabadi o tla bolaisa Phika diatla fa a dirang?
Boipelo: Moswinini, tshela setlabošane seo. Kana nna ke nyorilwe.
kediBone: (Ka selelo) Re thuse rra! Re thuse, re thuse re tswe mo motseng ono, re se ka ra swela teng.
kgoMotso: Jole botshelo mma ke a bo leboga...
Mathule: Selo sengwe gape. Ke nna ke tlhokomelang madi a ga Ramarumo. Mosadi yo o batla dikete di le supa, fa ke botsa o bua fa a tsaya loeto go itebatsa mogatse, mme o tsamaya le sona segataborukgwana se.
2.8 Ke mafoko afe a a dirang gore Phika a akanye gore go tewa gore ene ke lesilo le senokwane?
kgoMotso: (O rata go lela) E le gore go tloga leng ke dirisa ditlhare fa e sale o nnyala?
Mokgadi: Ruri ngwanaka o mookana motlhaba motlhagoledi. Nna ga nkitla ke itlhoboga. Ke nna mmaago, ke tla ema le wena le fa e ka na ka dikgadima tsa go tlhokisa digatlhamelamasisi bopelokgale. Sala sentle ngwanaka.
Kwa tlhatlhobong o tshwanetse go araba potso ya karolo A KGOTSA ya karolo B. k.g.r.
sankatane: Bomma le fa e sa tlhole e le kgosi ya lona mo reetseng fela.
RantleRu: Jaanong a o a tsenwa fa o nnetse go kokota fa ga gago?
seako: O tla nkitse pila mosimane.
tshepo: Ke go tlisetse sekaname o nwe rremogolo?
seleBaleng: Go siame "daddy", ke tla dira jalo.
tshepo: (Ka go tshoga) Ao, rremogolo Khutsepe, o ne o...
Boipelo: (Ka go nyatsa) Owaii! Moswinini tlogela Moratwe. Ka re boMoratwe ga ba itse sepe. Nna ke tlile go lo bontsha metlholo. Bahumi ba Themba ba tla itse fa go na le motho a bidiwa Boipelo.
Batho: Ke nnete! Ga go na boammaaruri jo bo fetang joo! Ke kgosi a e nne kgosi ya rona.
seako: O tshositswe ke eng ngwanaka?
kgoMotso: Rra ke ke fano jaana ka...
kgoMotso: Go kgaogana ga re ise re kgaogane saji; le gale ke bona re tloga re kgaogana. (O rata go lela) Ke bua jaana e le gore o sale a lotlela ditswalo tsa diphaposi tsotlhe tsa ntlo a di naya kgarebe eo ya gagwe.
Molaetsa: Thuto ya mokwadi ka setlhangwa sa gagwe.
MoRwesi: Nnyaya ngwanaka ke yone Kgodumodumo eo.
RantleRu: O raya re ipotsa dipotso dife Ra re mmolai o tsene kae?
Bokhutlo: Ditiragalo di a khutla.
3.5 Ke leano lefe le bobedi jo, bo neng bo le loga?
MMaseako: Go siame rra, ke tla dira jaaka o ntaela.
sajene: O ne a tshaba. E bile o ne o ntse o itshukunyeditse mo sekhung.
kediBone: (Ka go netefatsa le ka letshogo le legolo) Motho yo o tshwereng ke wena, modumo o ke one gape e bile ke lentswe la Kgodumodumo. A re latele kgosi a tle a re tlhage thuso.
Phofu o a ikgatlha o dira fela mo pepeneneng.
RantleRu: (O kgwa mowa) O ka re o a utlwala, Feke.
Kgosi e ne e se na leano la go ka ipoloka mmogo le morafe.
Ya nna bokhutlo ba yona.
MMaseako: Wena jaanong o sa ntse o letile eng?
Ya tlola e mo totile, e atlhame, legano le le lehibidu.
Go rarabolola le go senola maitemogelo a mokokoanyi wa diterama tsa "Molatswana wa gaetsho". Seno se tla sedimosiwa bogolosegolo ke lokwalotshelo (bayokerafi) lwa gagwe gonne ka lona baithuti le barutabana mmogo ba tla tlhaloganya lebaka la gore a bo a tlhophile diterama tse a di kokoantseng tse.
sajene: Dumela monna Rantleru. Mme yo ke mang yo Re mo tshwara fa ntle fa a re o a tshaba?
Bosegataborukgwanyana: Tshimanyana ya malobanyana e e se nang maitemogelo a magolo ka botshelo.
Monna: Kana le nna Killernyana yo le Phika, ba ne ba tsile kwa ga me.
Boipelo: (Ka makgakga) Mma, o diegisa rre. Motlhaope o batla go ya go tlhola dikgomo fa a tsena kwa gae.
feke: Se bolailwe ke motho.
nakedi: Ke e nama rremogolo...
sankatane: Mme fa lo sa tlhole lo mmatla, dirang rre kgosi ka gonne ke ka ntlha ya gagwe lo thusegileng jaana, nna ke sa le mmotlana.
Batho: (Ka boitumelo) Sankatane! O kgosi ya rona, o tla re busa Sankatane. Ga re sa batla kgosi e nngwe gape.
thipe: (Ka go hemela) A o sa ntse o tshela ke ne ke tshogile ke re ke tla fitlhela kwena e ragile lepai, mogwang o ile borwa... Molato ke eng monnamogolo?
lepodisi: (Setswalo sa itaagana) Sala jalo!
Nonwa: Fa motho go na le sengwe se se mo fetsang.
phika: Monna Seako, e ka re o katisitswe ke Mohammed Ali. Fela itse, fa ke boa Gouteng mafelong a beke e, ke fitlhele o phuthaphuthile se e leng sa gago, o bolaile naga. A re tsamaye Raditerekere.
Boipelo: O bona ke na le madi, o tswa pelo.
tshepo: (Ka go tshega, o a seba) O opela jaana ka gore o a boifa...
phika (Ka go tenega): Utlwa fa. O se ke wa ithaya wa re ga ke itse gore lo ne lo bua ka eng kwa kopanonyaneng ele ya lona.
feke: Ke re mmolai o dule ka phatlha e ke tseneng ka yona! Ka mojako ole.
MMaseako: Wena ba go reile ba re eng?
seako: Borra, se imakatseng. Rre Phika a re o boletse le lona mme lo dumetse. (Banna ba a ngunanguna) O mpoleletse jalo mosong ono.
phika: (Ka boleta) Raditerekere!
sankatane: Mme jaanong e ile kae mma?
seako: Jaanong nna le ya go nthekelang?
MMaseako: E le gore ke eng gape se sešwa?
MoRatwe: Ga o sa botsa matsogo Sajene?
Tlhalosa ka bokhutshwane gore Ramarumo o ne a abile boswa jang, k.g.r. ke mang yo o tla bonang eng.
Moswinini: (Ka boitumelo) Ka re moletlo wa gago ke ona wa diragadibonwe. Ka re o tlile go tuma. Ka re go tletse bahumi ka bontsi.
kediBone: (Ka selelo le go hemela) Kgosi re thuse tlhe re a nyelela!
ntlhake: Ga ke itse gore ga e emeleng ka itshwela...
seako: Mosadi wa Mmalabadi o rekiseditse Phika tshimo ele.
kediBone: A ba bolawe!
Motswedi: Se se raya gore Mathule o go kgomaretse jaaka kgofa. Ga o na go mo tlhotlhora.
Tharabololo: Tiragalo e nngwe le e nngwe e isa kwa tharabololong ya kgotlhang. Go nna le mofenyi le mofenngwa.
Botlhe: Le rona ga re kgomagantshe tsa rona le tsa ope.
feke: Le ka bo le ipoditse gore mmolai o dule jang. "O dule jang" e seng "O tsene kae".
MMalaBadi: E seng nna Mmalabadi. Ke ganne ka be ka mo lelekisa ka dintšwa kwa ga me.
killeR: (O a goa) Ijonnawee.. Mosadiagwe o ntshetse gase mo matlhong.
nnuku: (O tshogile) Ke ne ke sa re ke a tshaba. Ke ne ke tshositswe ke go bona dikoloi tsa lona.
sankatane: Mma jaanong masaka a mantsintsi ano one ke a eng?
Fa a tswa mo ntlong jaanong o e neela Phofu le mosetsana.
Fa Moratwe a re o a ba gakolola, ba gana kgakololo ba re, o lefufa.
Mathule o bega gore Ramarumo o fetotse tshupaboswa.
Potso 4 BO TLA SA JANG: C.
RakgoMotso: Bona fa Mmakgomotso, ga ke tlhole ke na le ngwana wa mosetsana fa!
kedisaletse: Bagaetsho! A motho yono ga mmogo le mogatse ba bolawe!
MMegi: Go phakela, basadi ba babedi ba tsere dikgang ka ga ditiragalo tsa bosigo fa ba utlwa lentswe gape le goa.
nakedi: Hei - Banna banna... banna... le kana kang E bile le a tshosa monna. O ka bo o le mmolaetse. O a itse gore le fa a rata nama ya lona, o le tshaba mo fa le phela..?
RantleRu: Ke eng a lebega a sa gakgamadiwe ke setopo Tlisa kwano kgetsana eo. Ga ke re o a bona. Senotlolo se a ga se sona sa ntlo ya gago, Bosalala Motho yo ke ena Feke a reng o ne a tsene mo ntlong a be a tswa. Re mmuletse lebati re sa lemoge. Le gone ke ena fela a ka nnang le lebaka la go bolaya lekgarebe la monna wa gagwe?
MoRatwe: (Ka go itatola) Nnyaya ausi, ke leka go lo gakolola. Se wetse Boipelo, naare lo dira sekae?
MoRwesi: Nna ke ne ke lopa gore ba se bolaiwe, a ba golegelwe koloi ba laisiwe ga mmogo le dithotonyana tsa bone ba ntshiweng ka motse. Go maswe go bolaya motho.
tau: Ke batla kwa ga monnamogolo Ranko Molefe. A ke gona fa?
Motswedi a re ba fudugele Mafikeng.
sankatane: E mmeditse mme nna ka e bolaya. Ke tsile le rre. Ke yo!
Go utlwala dikgomo le dipodi, Seako le Modise ba mo lesakeng.
Moipolai yo o sa lelelweng Ka E.K.
Bosalala: Rantleru! Ke nna Bosalala.
O bewa ka letshogo ke batho ba ba ratang dilo.
1.4 Ke monna wa ga Nnuku, ke nyatsi ya ga Mmemme.
Bosalala: Feke, fologa monna, o ye gae go bosigo. Fologa, fologa, fologa! Ga o nwe mosimane ke wena wa re tshutshu! (Feke o a botla) Mogošane wa gago o ka re wa motho a hupile ntswa e e suleng.
MMaseako: Modise, o thabisitswe ke eng mo go kalo?
Boipelo: Mathule o ne a mpiditse...
phika: (Ka boikgantsho) Gonne ke patelesegile. (O a gatelela) Seako, a ke o ntheetse. Ke ile go go neela madi a tshimo ya gago, e bile ke sa ntse ke ile go go dira motsamaisi wa me. A ga o itumele?
tshepo: Ao rremogolo, ke wena?
Go utlwala lewiuwiu la sepodisi le la emelentshe. Fa di ema go utlwala lekitikiti kwa ntle, batho ba goa mongwe.
tau: O se ka wa ikopisa tlhogo. Ke tla go isa koo. Ke ne ke ntse ke tla kgabaganya fa teng fa ke boela kwa dikantorong.
lentswe: Monna ka lentswe le lekima kediBone: Mosadi, o bua ka bogale kedisaletse: Mosadi, le ene o bua ka bogale MonnaMogolo: Ke monnamogolo, o setse a godile thata kgosi: Ke monna, ga a na boikarabelo MMegi: Lentswe le le phepa MoRwesi: Ka lentswe le le monate, o bonolo thata sankatane: Lekawana le le pelokgale MMegi: Setšhaba se se neng se dula mo motseng wa Phokeng gaufi le thaba ya Mogone, se ne se galefisitse badimo ka go sa ba leboge, morago ga ba ne ba sena go roba mabele a le mantsi.
(O bula lebati a be a le tswala) RakgoMotso: Dumelang mo gae.
seako: (O a seba) Diragatsa tse ke di go laetseng morwaaka.
Mo go buiseng, baithuti ba leke go tlhaloganya mafoko le kgang yotlhe ka kakaretso. Ba latele ditiragalo sentle, ba bone mabaka a a di tlholang.
kgoMotso: (O a tshoga) Bua tlhe sajene a mongwe wa gaetsho o tlhokafetse?
nakedi: Tshepo o go tshwaretse letlametlo rremogolo...
sankatane: Mme ke nna ke lo ntshitseng mo go yone, lona lotlhe ga mmogo le leruo lotlhe o bo o dirwe le ke borraago!
Diteramakhutshwe: Diterama tsa kgaolo e le nngwe.
nakedi: Ke a rapela rremogolo ke utlwile...
MMaseako: Owaai! Wena. Kana 'atla tsa gago di itse go isa dijo kwa leganong fela.
1.14 Go reng a ne a fepiwa jalo ka bojalwa?
MMaseako: Ke monna yo a rekisang mala le mogodu ka baesekele. A re o mo setse mo gare ga tsela.
seako: (O gakgametse) A ke o ntlhalosetse sentle monna. O a re Phika o dirileng batho?
phofu: Hm ! Ka re metlholo ga e fele ruri.
Terama: Tiragatso/setlhangwa se se tlhametsweng go diragadiwa.
Batho botlhe mo motseng ba ne ba mediwa mmogo le diruiwa tsa bona.
MoRatwe: Basadi, nna ke a tsamaya. Tota dikgang tsa lona di a mpipela. Mme lo itseng, khumo segwagwa e a pharuma. Yo o sa e somareleng, o tla solofela leraga. (O a tswa) Ke a tsamaya, salang!
seako: (O simolola go boifa) Sa go tshwana le eng?
MMaseako: Ke a itse gore o a bo a ntse a romeletswa ke Phika. Ruri dilo di sa ntse di ile go senyega. E kete rraagwe Modise a ka bo a setse a boile kwa lesakeng.
Motswedi: (Ka go hemela kwa godimo) Ke ne ke tshogile. Ke ne ke nagana gore ba tla nna lobaka. Go reng le ne le omana jaana A batho ba ga se batsadi ba gago?
MMalaBadi: (Ka go tenega) O se ke wa ntshosetsa monna. Ke tlile go go bolaisa diatla, fa nka tlhola ke utlwa o bua ka tshimo ya me.
RantleRu: Ga ke go kgakgauthe, ke batla nnete. Tswaya ka nnete o tle o tlhatswege mo molatong o. Motho ke yo o bolailwe. O swetse mo ntlong ya gago.
ntlhake: (O mo tsena ganong) Le tshameka ka nna A ke molekane wa lona Ke godisitse rraalona fa a riana gona le tsaya kae molao wa go mpitsa Khutsepe?
Boipelo: Monna yo o tloga a ntiteisa letswalo. Matlho a gagwe e kete a katse. Fa a go lebile o bona e kete o bala tlhaloganyo ya gago. Motswedi o kae Ke mo reile ka re a tle morago ga dijo tsa motshegare. Fa a tla o tla swaba go utlwa matute a a galakang a santlhoko a Mathule a sa tswang go ntshelela ona. Owaii, boMotswedi le bona ba itira matlalapoa. Ga ba itse sepe ka nako. (O fitlha mo legaeng la gagwe) A ga se nako e o rileng o tla tla ka yona Tlhang ga ke mo fitlhele fa gae (O tsena ka lebati. Fela fa a sena go baya dithoto tsa gagwe go kokota mongwe) Motlhaope ke Motswedi.. . tsena.. .?
tau: Ke sajene Tau koko. O itsise monnamogolo fa a fitlha nkoko. Sala sentle.
phofu: Le gale ke a itse gore ga go ope yo o ka kgonang go emelana le tlala e e kalokalo a tswa mo khumong.
ntlhake: Le tšhwatle tlhogo e...
Ntlhake o bolaile tau ka diatla tsa gagwe e seng tlhobolo.
Std 5 Modern Agricultural Science ka PJC Kuun, 1984 ii Court Order Case No.
Bosalala: Ee, ntata. Ke mo tlogetse mo ke ya teropong.
feke: O raya jang O fitlhela e le nna ke lekang go rarabolola mathata fa! BoRantleru ba gago ba ne ba itlhobogile fa e ka bo e se ka nna?
3.7 Boipelo o tla bona tse di latelang: Madi a kwa bakeng.
3.13 Kwa bokhutlong batho ba kwa Themba ba tla itse Boipelo jang?
RantleRu le sajene: Tloga fa!
O tshabetse go tlhola a kgobiwa ka mafoko le go sotliwa mo moweng.
seako: (O tletse pelaelo) Gona e ka nna motlholo. Ba tlhatlhamolola matlo a bona jang mo mafifing a?
tshepo: Nnyaya rremogolo o se ke wa swa tlhe re sa ntse re...
RaditeRekeRe: O bue le rre Phika sentle. Ke dirisanya nae. Le gona, ga ke batle sepe ka ga gagwe.
Boipelo: (Ka makgakga) Rre o go emetse kwa koloing. Ke tla lo bona. Tsamayang sentle.
feke: O a re a tsene kae A ke jona bothata jwa lona Motho o tsena kae fa a sa tsene ka mojako?
feke: E re "Ee, abuti", o ntse o re "Ohoo" o ka re o motho a hupile mouwane. Ga ke re le nna le mpone fela ke setse ke le mo ntlong A re sutiseng bolao jo bo fa thoko ga lebati jo. (Ba a bo sutisa) A selo se ga se motlhala wa motho a huhumela A se ga se mangole a gagwe fa a ne a gagabela kwa ntle Nkarabeng! (Ba a didimala) Le fetile bolao jo, la sianela kwa dikamoreng, e bile le tlogetse lebati le sa tswalwa. Motho yo le mmatlang o dule ka fa tlase ga bolao jo. Le gone ga a kgakala. Fa lo ka mo latela lo ka boa ka ena go ise go ye kae?
tshepo: (Kwa godimo) Ke sepoko...
seako: E seng gompieno ngwanaka. Ngwanaka, fa o sa rate rraago a bolaiwa, o tla diragatsa se a tla se go laelang.
MMegi: Mosimane Sankatane o ne a gola a nna le tlhaloganyo, mme a ba a tswa mo khuting, a tsamayatsamaya ka fa ntle fa mmaagwe a sa ile go senka dijo. Ka letsatsi lengwe a botsa mmaagwe a re...
phika: O ka re go ka nna jalo. Go itshupa fa o itlhaganeletse kwa masimong?
MMakgoMotso: Ijoo! Ngwanake o latlhegetseng wee...!
O tsene kwa sekolong se se potlana sa Mabaastad gaufi le torotswana ya Koster wa Bokonebophirima.O bone dithuto tsa sekolo se segolwane kwa Bethele, mme a tsweletsa dithuto tsa gagwe teng kwa kholetšheng ya Katiso ya Barutabana kwa Bethele, Bodenstein, Coligny, kwa a neng a bona lokwalo lwa borutabana le la matiriki gona. O ne a simolola go dira kwa Krugersdorp. Go tloga ka 1970 - 1971 a dira tiro ya bokwaledi kwa kgotlatshekelong ya magiseterata kwa Itsoseng. Go tloga ka 1972 - 1974 o ne a ithutela dikerii ya BA kwa yunibesithing ya Lebowa, maswabi ke gore ga a kgona go konosetsa dithuto koo ka ntlha ya dikhuduego tsa sepolotiki. Ka 1975 o ne a ruta kwa Bethele mme a ikwadisetsa go dira thuto ya Sociology ka nakwana kwa UNISA.O ne a falola dikerii ya gagwe kwa UNIN (Turfloop) ka 1976 a dirile dithutokgolo tsa Setswana le Biblical Studies.O bone lokwalo lwa BA (Hons) kwa UNISA ka 1989 mme ka 1994 o ne a falola dithuto tsa MA (CW) kwa Yunibesithing ya Vista.
seako: Lona bontate, tsamayang lo ye go remela mmidi o dikota go o agela sefala. Bomme, lona o robeng mme lo o kgobokanye mo gare ga tshimo.
MMegi: Mosimane Sankatane o tsere lobaka lo loleele a ntse a lootsa lerumo la gagwe mmaagwe a sa mmone, mme e rile letsatsi lengwe mmaagwe a sa ntse a ile go rwalela a sala a ngwega a lata Kgodumodumo. Kgodumodumo ya gana go mmona a sa ntse a tla a le kgakala ya dira modumo Goo ! Gr... !
2.6 Leina Mmalabadi le ka naya modiragatsi semelo se se jang, fa le ile boreelelong?
tshepo: Intshwarele rremogolo, ke ne ke itshamekela fela. Ke ne ke tshogile tota, nka se tlhole ke go tshosa rremogolo. Ke ntse ke ithaya ke re o a tshameka fa o re fa o ka tshoga thata o a ngatega. O intshwarele rremogolo, nka se tlhole ke dira jalo...
Maduo a a abetsweng potso.
Ranko: Nna ke tlhapile diatla. Ga ke na ngwana wa seganana. Boipelo ke mosadi. O gana ke re a nkutlwe. O tla thanya lo le tsebeng.
kgoMotso: Rra kana maemo a botshelo jwa rona a fetogile mo...
MMaseako: (Ka poifo) Ke eng Modise?
Go nna mosupatsela go baithuti fa ba dira tiro ya tshekatsheko ka bobona, go buisa le go tlhaloganya dipotso mmogo le go araba ntle le go sutlha sekgwa.
Boipelo: Go raya fela jalo. Re tla nna re bonana jaana go fitlhela madi a inšorense a tla. Morago ga moo re tla leka leano le lengwe. Maano ga a site Motswedi, go sita a loso.
kgoMotso: Ka fa ba buang ka teng ke wa ga Phofu ene ngwana yo o tla tsholwang yoo.
RantleRu: M-m! M-m! Golo fa go na le mokgwa fa monna. Tiro ya me ya bopodisi e nthutile gore dilo tsa mofuta o di kaya sengwe se se kotsi. Ke roba lebati.
ntlhake: (Ka boitumelo) O raya letlametlo tlisa kwano pitsana eo ke fitlhole le tle le itse go nnaya kofi, ke tle ke re ke itshwela pelo e be e le tshweu.
Bosalala: (O a kua) Joooo! Ijoooo! Mmalonnawee!
MonnaMogolo: Didimalang Bafokeng re neyeng Sankatane kgosi ya rona sebaka a bue!
MMaseako: Ke reeditse mogatsaka.
tshepo: A go ye wena, nna ke sale le rremogolo. Ke go direleng rremogolo?
Ga a kgona go itshoka mme o boetse gae a sa kobiwa.
MoRatwe: (Ka go kgalemela) Tsela ya lona e tsena ka sekgwa se se kitlaneng e le tota. Ke tshwanetse go lo tlhaba botlhale. Nna ga ke batle go lo bona lo sotlega...
Maikutlo a tenego.
1.2 Tsibogo ya ga rraagwe Kgomotso e nnile efe fa morwadie a boetse gae?
MMaseako: Go bua boammaaruri, ke go re ga ke batle go fetoga motlholagadi gonne ke a itse gore Phika o ile go dirisa mokgwa mongwe le mongwe o o makgwakgwa go go tlosa mo tseleng ya gagwe.
sankatane: (Ka go botsa) Batho! Batho ke eng Ba ile kae jaanong?
Garumela: Go gakalela motho o mo felela pelo.
kgoMotso: Agee, rra.
nakedi: Koko ya gago e lela jang monna (Segwagwa se lela gape) Ijoo... ke eng monna?
Bosalala: O a re o a utlwala. Jaanong mmolai e ka nna mang monna?
Mogapatiro ke modiragatsimogolo yo o nang le bothata, yo o ngongoregang, yo o tshwenngwang. Mokganatiro ke moemakgatlhanong. O baka bothata, o tshwenya mogapatiro. Mogapatiro le Mokganatiro ba na le baemanokeng ba ba ba rotloetsang ka dikgakololo. Motsenagare/molotlhanyi ke modiragatsi yo o amanang le makoko a mabedi. A ka nna molotlhanyi kgotsa moagisi. Modiragatsi o na le ka mokgwa o a bopilweng ka ona ke mokwadi. O bopiwa a newa semelo se se tla mo kgontshang go diragatsa le go nna le seabe se a se abetsweng. Sk. Boipelo ke lesilo, o bolaile monna mme o lemoga kwa bofelong gore ga go nne bonolo go ja madi jaaka a ne a itheile. Modiragatsi o senolwa ke; dipuo tse a di buang; se badiragatsi ba bangwe ba se buang ka ga gagwe; leina le le yang boreelelong - Killer le tshobotsi -bontle jo bo nang le dibelebejane.
RakgoMotso: A e re a ntlhalosetsa wena o ye go apeela monna wa gago! Tsamaya!
1.7 Loso lwa ga Phofu lo bakilwe ke eng?
lepodisi: Ka re tlisa dinotlolo tlhe di a batlega...
Mabaka a gagwe ga a utlwale, a botlhofo go ka mo ntsha mo ntlong ya gagwe.
kgoMotso: (O a sunasunetsa) Tota ga twe go diragala eng mo motseng o Ramasedi...
Mogošane: Monkgo wa mowa o o seng monate wa molomo.
seleBaleng: Hm ! A e nne ene tlhe. Tsena!
Letsogo la ya go tswelela ka kwa morago.
Boipelo: Itlhophele Motswedi. Lenyalo ga le tshwenye. Ke na le wena, ke na le madi, ke tlhoka eng Fa re nyalana re latlhegelwa ke madi. Nna ke bona go ka siama gore re se nyalane, mme re tswelele pele ka lorato lwa rona?
3.4 Fa Boipelo a re batho ba tla mo itse o raya jang?
Ya boraro: "Khutsepe" Kamano e ntle ya bašwa le rraabonamogolo.
tau: Ke tla go romela tshwetso ya rona mo nakong e e sa fediseng pelo. Mathule: (O a ema, mme o a tswa) Ke a itumela. Sala sentle rre Tau.
Ranko: (Ka go tenega) A o sa batla go tsolwa diaparo ke ngwana o mmelege Nna ke utlwile. Wena jaaka go twe mmangwana o tshwara thipa ka fa bogaleng, e tshware e go sege?
ntlhake: (Ka lenyatso) Ke tsaya kae tlhobolo Ka diatla tse tsa me tse monna?
MMaseako: Ke se ke ka tlhola ke go utlwa o bolela kgang eo. Tsotlhe di mo magetleng a ga rraago.
phofu: Sentle! Sentle! Tota e bile ga ke itse gore ke lefelo lefe le nka go tseelang kwa teng go go itumedisa...
phika: Ga ke ngwana, ke itse puo. Maloba ke ne ke kgalemela Mmalabadi go bua jalo, gompieno ke wena moeteledipele wa bona.
sankatane: Mma jaanong rre ene o kae?
Fa ba simolola go rua sekgwa seo se ne se tletse ditau.
nakedi: Tshepo e ya go bitsa rre, ke tla sala le ene...
1.9 A o bona tharabololo ya kgotlhang ya terama e e siame Tlhalosa?
ntlhake: Tlhatlola kgaka eo o e beye fale e fole. Le reetseng sentle. Se, ga se naane, ke kgang e e diragetseng ka mmatota phu... kgotletsa molelo o o tuke, ke fatlhwa ke mosi... (Ba futswela molelo) Ja so...
Mathule: Ke go biditse jaana ka ke ne ke le mmueledi wa ga Ramarumo. Ke rata re rulaganya dintlha tsa boswa jwa ga Ramarumo ka gonne phitlho e fetile. Ke ne ke re o itse gape gore rre Ramarumo o ne a dira tshupaboswa e ntšhwa pele a tla tlhokafala.
Boipelo: Tsena rra.
kgoMotso: Ba re fa Phofu a sa tlhole a nthata bone ba mo reng?
sankatane: (Ka go inagana) A mme ga a mpone! Ke ile go senka sengwe se nka bolayang Kgodumodumo eno ka sona. Ee, tshipi eno e tla siama, fa nka e lootsa, ya nna bogale, ka e dira motswi jaaka lemao ke tla e tlhaba ke e gagole dimpa tseno ke ntshe rre.
sankatane: (O simolola go seba) Jaanong mma fa e nkutlwile e ka ntira eng?
lepodisi: Nte ke tseye selo se ke go gelele metsi pele ke tle ke late dinotlolo tseo...
MMakgoMotso: Jaanong ba ga bone ba a reng Kgomotso?
2.1 Mmuisano mo temeng e, o senola kgotlhang e le eng/go lwelwa eng?
kgoMotso: Go tsile go nna jalo...
MMaseako: Nna ke bona se se botoka rraabo, e le go amogela bonnyane jo a re bo nayang, re bo re itsamaela.
Boipelo: Go siame. Nte ke apare pele diaparo tse dingwe.
nakedi: Ke baiki rremogolo, re e go reketse. Re e koleketse, nna le Tshepo.
thipe: Bonang fa, tsayang dikgamelo le ye go gama. Ke tla ya go mmona.
1.4 Goreng Kgomotso a ne a sa ye go ikhutsisa tlhogo kwa ditsaleng tsa gagwe kgotsa kwa ga mmatsalaagwe?
RantleRu: Didimala mošantowe! Golo fa re mo mathateng fa. Bosalala, letlapi le la motho le tswa kae le E seng gore ke ena a nang le mokgwa a ntse a imakatsa jaana O ntse o le kae monna?
sankatane: (Ka lenyatso le ka pelokgale) Ga e ka ke ya ntira sepe. Ke setse ke e kgaotse leleme. (O bua a le esi) Ke tla go bontsha phologolonyana ke wena. O gopola gore ke rre le batho ba o ba jeleng A ga o itse fa tshoswane e kile ya bolaya tlou (O Iwa le Kgodumodumo) Hm! E tla mphenya. Nka leka leano lefe A nka e tlhaba ka lerumo leno Nnyaya fa e ka leka fela go mmetsa ya se ke ya mpolaya, ka tsena le lerumo leno la me ke ntse ke le tshwere, ke tla e phunya mpanyana eno mme ka ntsha rre?
Se kgang e ikaegileng ka sona.
seako: (O a tshega) Go fedile ka bona. Wena mmaabo le Modise, tsamayang lo mpiletse borre ba motse, re tle re tlose ditopo tse...
Mametlelelo e, e rulagenyeditswe go nolofaletsa baithuti le barutabana ba kereiti ya 12 tshekatsheko ya diteramakhutshwe, le go ipaakanyetsa tlhatlhobo ya Pampiri ya Bobedi ya Setswana mo kereiting e.
MMaseako: O ka tswelela re reeditse.
Modise: (Modise o supa fa a boifa) Ntate ntate...
kgoMotso: (O rata go lela) Ga go kitla go nna bonolo gore ba n kamogele gape...
Ya bone: "Mosimane wa sankatane" Tumelo ya Bafokeng mo badimong ba bona.
feke: Ee, fa batho ba bangwe ba ka bo ba tlhokomela basadi ba bona, golo fa go ka bo go se na setopo fa. Ga ke itse gore a le gone fa le nnetse go nteketa jaana ke gona fa le rarabolola sengwe.
seako: Lo reyeng Rralori fa a fitiha fa, a ye go tsaya seile kwa gae. Rre Phika, o tla intshwarela. Nka se kgone go tlhakanya tshimo ena le tsa lona.
Mafokomagolo a a rweleng moko wa potso.
MMaseako: (O ntse a sisa pelo) Ga ke bolo go bolelela rraagwe Modise. Ruri ke mmoleletse. Bona jaanong maemo a setse a etegetse jang?
ntlhake: (Ka boitumelo) Ke fodile ke fodile...
1.3 Ke goreng Mmui a re Nnuku e ne e le sssoommang?
Ranko: (Ka bonolo) Boipelo, re utlwelele ngwanaka. Ka kitso ya botshelo re go gaisa thata. Nna le mmaago re go godiseditse mo sekereseteng, re rata o ikilela mme o ipoloke.
tshepo: Ke a go rapela rremogolo o nthoba lebogo... Ijoo... o ntlhaba ka setlhong rremogolo...
Mokgwa wa go araba dipotso ka go tlhamalala e seng go dikologa le go ya lolololo.
tshepo: Maitshwarelo rremogolo...
Motlha/nako Mariga, bosigo, ura ya bobedi jj.
tau: Ke a go tshwara. Ke lebogela tshedimosetso ya gago rre Mathule.
Rraagwe basimane o ne a sa ntse a le mmotlana jaaka bona.
3.9 Loso lwa gagwe lo ne lo tshwanetse go batlisisiwa fa e se wa maitirelo e bile boipelo o ne a tla bona tsotlhe tse fa a ne a ka se tsene mo nyalong e nngwe.
Mathule: Fa mosadi yo a amogela madi a gagwe, o tla lwela gore a tlose taolo ya me mo mererong ya Ramarumo. Fa a dirile jalo, thato ya Ramarumo e tla bo e sa tshegetswa.
Boipelo: (Ka lenyatso) Wena Moratwe o itirile mmamorutinyana. Nna ke a inwela. Bojalwa bo lebatsa mathata a lefatshe, le gona bo a lapolosa.
ntlhake: (Ka letshogo) Hai wena o se ka wa bulela gaufi le nna.
kgoMotso: (Ka mowa o o botlhoko) Hae! mma nte ke nne fa fatshe ke di go thathololele tlhe.
Boipelo: (O bua a le nosi) Ka re ruri ke tla nna mmadipoponono. Ke tla ja ke namile. Mongwe le mongwe o tla bua a sa fetse ka ga Boipelo. Ke ne ke sa itse fa Ramarumo a na le madi a le mantsi jaana! Ga a na batsadi kgotsa dikgaitsadi tse di ka tsosang kgang ka boswa jwa gagwe. Ija! go bosigo. Motho ke yo, le ena o lala a sasanka masigo. Nte ke ye go robala.
e. Lemorago Ditiragalo tsa terama di diragalela mo lemoragong le le agilweng ke moterama. O le aga gore le tsamaelane le ditiragalo. Lemorago la ditiragalo le arolwa ka dikarolo tse di latelang: Tikologo motse, dithaba, dinoka jj.
seako: (O galefile) Phika, wena le Raditerekere, ke lekgotlanyana la eng mo tshimong ya me?
tshepo: (Ka go seba, o sebela Nakedi) Ga ke mo dumele...
ntlhake: (O tshega go feta) Banna! Thokwana o sa ntse a le diphatsa, ke ne ke sa ntse ke re ke itlhoboge ke ge a setse a betsa ka tlhako. O go baakantse buti, o tla go ntsha makgakga. Ntshose gape, motsing o o tlang, o tla go phatlola tlhogo e...
kgoMotso: Le nna ke a tle ke gopole mafoko a gagwe fa botshelo bo fetoga jaana mma...
3.2 Bo tla sa jang?
tshepo: Ke a gobala rremogolo...
ntlhake: (O a mo fala) Bolaya letlametlo lele ke le batla le sule...
sankatane: Mma fa ke bona matlo a mantsi jaana go dula eng mo go one?
MoRwesi: (O a seba) Ke rile o buele kwa tlase e tla go utlwa!
seako: (Ka bogale) Ke molemi wa mmopo, e bile ke ya go nna ke nna molemi wa mmopo. A me a kalo morena wa me.
Boipelo: Motswedi moratiwa, go tla siama. Ka re ka moso ka nako e, re tla bo re feditse tironyana e ya rona. Ka re bathonyana ba Themba ba tla nkitse. Ramarumo ga a itse sepe ka tiro ya madi.
kgoMotso: Hae! Ga ke itse gore ke a bo ke tsile go mo pota ka kae ruri.
seako: (O supa khutsafalo) Ga se seo fela se se nkutlwisang botlhoko.
nakedi: O gaufi simolola...
Kotsi ya sejanaga.
RaditeRekeRe: Heela mosimanyana ke wena.
Bosalala: Fela go a itshupa gore ga a bolaiwa ke nna.
MMaseako: (Ka kgakgamalo) O se ke wa rialo. Ao e ne e se maikemisetso a Mmalabadi.
Madi a inšorense le a lekgetho la dikoloi e tla nna a gago. Koloi ya llori e abetswe sekolo sa difofu. Dikoloi tse dingwe ke tsa gago. Mme Ramarumo o ratile gore o newe tsotlhe tse fa o ka mo tlotlawa nna o sa nyalwa go fitlha o ya badimong. Go sa nneng jalo, dithoto tsotlhe di tla abelwa mekgatlho ya bana ba ba se nang batsadi. Gape fa go ka bonagala gore Ramarumo o bolailwe, go tshwanetse ga nna le dipatlisiso pele o bona madi ao.
tshepo: Ke yole o dutse ka fa tlase ga setlhare. A re mo atamele.
seako: Ke mang?
Phofu o bolailwe ke se a se jeleng-lerato la maiphitlhwaphitlhwane.
seako: (O a omana) Ga ke ise ke bue lefoko leo.
MMalaBadi: O tsamaya o bolelela batho gore nna ke go file tshimo ya me gore o jale koronnyana ya gago?
E rile e le mo moeng e atlhame, a tsenya letsogo mo leganong la yona.
seako: Ke batla gore lo ntheetse ka ditsebe tse pedi, wena mmaabo le Modise.
MaBinagotsholwa: (Ka go tshoga) Hei, o mang wena o ntshosang jaana Ka ba ka re o sone selo se se ntseng se bolela se re re tsile go fediwa ke Kgodumodumo?
Boipelo o bonwa gangwe le gape a tsamaya le Motswedi.
Ka 1975 - 1978: O ne a ruta kwa Bethele:- Coligny mme ka 1979 - 1982::- e ne e le morutabana kwa Sekolong se segolwane sa Badirile kwa Carletonville (1981: E ne e le mogokgo wa namaotshwere). Ka 1982 - 1983: e ne e le Motlhatlheledi wa Setswana (Lecturer) kwa Inservice Training Centre-Mamelodi morago Soshanguve. 1983 - 1986: o ne a nna Motlhatlheledi wa Setswana kwa Yunibesithing ya Vista kwa Mamelodi. 1996 - 2005: o ne a nna Motlhatlheledi wa Setswana kwa Yunibesithing ya Pretoria. O ne a rola tiro ka ntlha ya bogodi ka 2005 Motsheganong 31. Gajaana o mo tumelelanong e e kwa thoko ya go dira jaaka motlhatlheledi wa Setswana kwa Yunibesithing ya Pretoria.
RantleRu: Feke, o tloga o ntshia mo lefifing fa o sa tswale melomo e e dibete eo. Kana fa o ka bo o sa senngwa ke botagwa e ka bo e le wena o nthusang ka dikakanyo.
Kgotlhang/bothata/selwelwa/ ngangisano: Ntwa ya badiragatsi mo terameng.
seako: (O galefile) Go reng o tsere Raditerekere a ne a re lemela rotlhe Go reng o dira gore re jale korong, o ntse o bona re rata mmopo?
Boipelo: (O tshwenyegile) Ga ke bone mosola ope rra. Nna ke moša, nako ya go lela e fetile.
Motswedi: Ke nnete Boipelo moratiwa. Moletlo o ke o mogolo. Ka re ke dilo tsa Boipelo wa Motswedi wa ditodi.
nakedi: (Ka go hemela) Rra wee, ka pele, rremogolo o a lwala.
Motswedi: Nnyaya, tlaa ka tsona.
MMakgoMotso: Ga ke re ngwana o go tlhalosetsa se se mmayang fa...
O na le kgatlhego e kgolo mo dikwalong , bogolo jang poko le porouse. Fa e le fonetiki yone o e tlhaloganya botoka. O dirile le Lefapha la Thuto jaaka Motlhatlhobi wa Setswana Puo ya Gae mo kereiting ya 12 ka 1987 - 1993, a nna Motlhatlhobi wa pampiri ya Setswana mo Botong e e Ikemetseng ya Ditlhatlhobo (IEB), Motlhatlhobintle wa Dikwalo tsa Setswana kwa diyunibesithing tse di latelang: UNISA; PUCHO le UNIN. O nnile Molekanyetsi wa boditšhabatšhaba wa Setswana Kereiti ya 12 kwa Mpumalanga le kwa dikholetšheng tsa Promat go tloga ka 1994 go fitlha jaanong.O ne a tsenela dithuto tsa boranoledi tse di neng di rulagantswe ke ba mokgatlho wa PanSALB ka 2005. O ne a tlhotlha diphoso le go baakanya dikwalwa tsa baithuti ba Setswana tsa MA (MA Dissertation) Ke tokololo ya Boto ya Bosetšhaba ya puo ya Setswana e bile ke mongwe wa ba ba neng ba rulaganyetsa Melawana ya lekwalo la mareo le mopeleto. Ke tokololo ya lekgotla le le tokafatsang kwalo ya Setswana Terminology No. 4. O nnile le seabe mo kwalong ya Bukafoko ya, Basic English, Tswana Across the Curriculum ka Dr KB Hartshorne.
seleBaleng: (O ntse a lela) Ke latlhegetseng tota nna khutsana ka ngwana wa lesea tota?
kedisaletse: (Ka selelo) Kgosi di tla di lelekisitswe ke phologolo e e ditsebetsebe tse ditona e e maswe! (Letshogo) Bona! Bona kgosi jaaka e metsa pitse yotlhe e ntse e tshela!
MMalaBadi: (O bua a le kwa ntle) Ke nna! Mmalabadi.
tshepo: Ke batlile ke tshaba ke re o sepoko...
Boipelo: Ke go utlwile. Buisa tshupaboswa e ntšhwa ke utlwe.
RantleRu: Ka re a o mo tlogetse mo ntlong?
Bosalala: Borra, mme yo ke mosadi wa me. Ga a amane le se se diragetseng fa.
Boipelo: O itira yo o sa tlhaloganyeng. Motho mang le mang o tlhoka lorato. Monna yo o kgonang go naya mosadi lorato, o gapa pelo ya mosadi yoo. Wena Motswedi, o ntiretse go gaisa Ramarumo, monna wa me wa dikgomo. Ramarumo ga se monna wa sepe. Go botoka fa a se teng gaufi le rona.
MoRwesi: Ao! Dilo di a latelela ruri! Go ka tsoga modumo o mokanakana wa phefo Kgotsa ke eng Pula le yone e a na. Ke tla lala ke robetse kae fa metsi a ka tlala ka khuti Le gona ke tla robala kae sepoko se le gone (Go a didimala, morago go utlwala molodi wa dinonyane, diphologolo le batho ba ba buang ba ba itumetseng) (Ka go makala) Ke utlwa eng Fa e kete ke modumo wa dikgomo le batho jaana A ke a lora A gone mme nka lora motshegare o mokana Nnyaya ga ke lore. Ke batho, ke bale! Mme ba tlhaga kae (O itumetse) Sankatane! Sankatane o tswa kae Ke ntse ke re ke bone Kgodumodumo e go bolaya?
killeR: (O tlhaeletsa lentswe ka bogale) Heelang lona. Tswang lotlhe ka mo lesakeng. Ga ke batle go bua gabedi.
Modise: (Ka go boifa) Ntate, o a re bitsa.
RantleRu: A tswa kae ka o a utlwa gore ra re re fitlhetse mabati a lotleletswe ka fa gare?
tshepo: O nthobile letsogo rremogolo...
seako: (O gatelela lentswe) Fela nna, ke ya go nna ke nna Seako. A ka se mphetole.
tshepo: Ao, rremogolo?
Bosalala: Nnyaya, kana ke gore o nnetse go nkgakgautha.
phika: (Ka go makala) Tlhang o tlhaga o sianisitse pitse botlhoko jaana Mmalabadi Bona, e bile o tswa madi mo molomong ka mokgwa o o ntseng o itomile molomo wa kwa tlase ka teng?
MoRwesi: Nnyaya ngwanaka! Kgodumodumo ke phologolo e tona go gaisa diphologolo tsotlhe mo lefatsheng. E a boitshega. E na le leleme le letelele, e go metsa fela e ntse e le kgakala le wena.
MaBinagotsholwa: (Ka bosilo) Mphe lerumo leo kwano ke ye go bolaya selo se!
kgoMotso: Tsotlhe tseo mma, ke ne ke di tsaya jaaka metlotlo e e se nang bokao bope.
RantleRu: Hm! Go a nthatafalela. Fa nka be ke sa go thusa go roba lebati nka be ke re o mmolai. Nka be ke dumela mo dipokong ke ne ke tla re setopo se ke sepoko se, kgotsa ke sa motho yo o bolailweng ke sepoko. Jaanong, mme gone ke batla gore fa ke bitsa mapodisi a mangwe, ke bo ke itse gore o amega go le kana kang. O tlile go tshwannwa ke go nthusa. Fa go ka pala, ba tlile go tswala ntlo eno, wena ba go tswalela mo kgolegong go fitlha re tshwara mmelaelwa yo o botoka. Tlhola gore a ditshipi tsa mafesetere ga di na fa motho a ka sutlhang teng. Bosalala o dira jalo a ntse a sisa pelo. Rantleru o dira modumo ka kwa dikamoreng tse dingwe.
Modise: E seng jalo mama. Nna ga ke batle go tsamaya.
seleBaleng: (O wetsa setshego) Ijo! Re a sôkôla tlhe...
feke: Kana seo ga se bothata. Ke malepa a a ipatlelang tlhaloganyo fela. (O a botla) Tlhaloganyo e tshesane fela le gone. (Ba mo felelwa ke pelo) Ka re go batlega tlhaloganyonyana, e tshesane. A le phuruphuditse gotlhe mo ntlong?
nakedi: (Ka go kgalemela) Rre o tla go fafadia mokwatla o ka moretlwa ga a rate re dira metlae ka monnamogolo.
ntlhake: A fa nka le tseela naane le ka se tlhole le ntshosa...
seleBaleng: E le gore o busitswe ke eng kwa a neng a ile teng?
Ditiragalo tse dingwe.
kgoMotso: (O a sunasunetsa) Ke raya gore botshelo jwa me mma, bo nna bo ntse bo nonwa ke keledi ya kutlobotlhoko letsatsi lengwe le lengwe.
tau: Ao! Ausi Moratwe, o lerwe ke eng fano?
Motswedi: Se tshwenyege, o na le nna, nna Motswedi morwa Phalane. Motswedi wa menate le botshelo jwa namatshego.
Bosalala: Morwaarra tlhe ke a kopa. Le se ka la ba la ntshwara le ise le tlhomamise gore phetlhi e tsene kae. Le se ka la bo la itsapa go sedisisa motlhala wa mmolai.
lepodisi: Heela ka re Phofu o pitikologile ka koloi kwa "man"...!
Boipelo: (Ka go bitsa) Motswedi! Ba tsamaile.
Bosalala: Mosadi o raya ofe Ga ke re o a itse gore Nnuku o ngadile o tsamaile?
Bosalala: Nnyaya. Fa o belaela re ka ya go le leka. (Ba ya kwa go lona. Ba a le kgotlhokgotsa) Mabati ano ka bobedi a ne a lotletswe ka fa gare. O paki ya me.
lepodisi: (O a mo garumela) Ka re tlisa dinotlolo tseo!
ntlhake: Ke fodile, a re yeng go gama basimane.
feke: Bolao jo bo fa pele ga lona jo jona (Ba a didimala) Bo okomeleng?
Mokgadi: Se bue jalo Ranko. Motho yole ke ngwana, o batla tlhokomelo ya rona thata. Re se dire jalo. A Beibele ga e re se duele bosula ka bosula Ruri Modimo a ka re otlhaya fa re ka leofa go le kalo?
kediBone: (Ka go hemela le ka letshogo) Rre rremogolo Mabinagotsholwa...
1.1 Ke mang yo o folosiwang?
Boipelo: (Ka makgakga) Nna ke tshelela mo sešweng mma. Go apara bontsho le go itima botshelo, ke dilo tsa bagolo tseo.
ntlhake: O bua nnete 'mara' o raya gore ke sa ntse ke tla gola go feta fa Ke a belaela..?
Mokgadi: (Ka go hutsafala) Ngwanaka o tla itshola. Ruri o dira boleo ba batho ba sa tlhabologa. Beibele ya re tlotla batsadi gore malatsi a gago a oketsege. Fa o sa re tlotle, o ka se nne le masego. Ruri ngwanaka fa o re fularela o nagana eng?
Boipelo: (Ka go amogela) Go siame fa o bua jalo. Ke batla fa go nna jalo. O itse sentle fa ke go rata. Ke go rata ka pelo ya me yotlhe gonne o itse fa ke le mosadi. O gaisa sematla se go tweng ke Ramarumo. Ena o tshwantshanya mosadi le bodiba.
Mareo a a botsang jaaka: Bolela, tlhalosa, sekaseka, tshwaela, thadisa, neela le ranola. Morutabana o tlhoka go suga baithuti ka botlalo mo tirisong ya mareo a, gore ba se tlalelwe fa ba a bona kwa tlhatlhobong ya makgaolakgang.
sankatane: (Ka lenyatso) Le siame mma ke batla lone leleme leo ke tle ke le kgaole sentle!
seako: (Ka go tenega) Go riana, le wena o setse o tlhatlhamolotse o tsamaya?
seako: Gape le nna ke tsoga ke dira tumelano nae ya gore a ntemele tshimo.
Ba tla nkitse Ka E.S.
ntlhake: E huhumele monna Tshepo huhumela...
O ne a bipiwa molomo gore a se rothise mmutla madi.
kedisaletse: Tsaya lerumo wena rremogolo Mabinagotsholwa, bontsha selo se sa kgosi gore wena ga o boboi.
Ga a itirele molemo fa a tswa mo ntlong ya gagwe.
tshepo: Maitshwarelo rremogolo...
Boipelo le mogatse ba ne ba nna kwa kae?
Bosalala: Feke! O a itse letagwa le le tla lala le ntenne le. Feke! O batlang fa Tsamaya o tlile go re tlhakatlhakanyetsa?
MaBinagotsholwa: (Ka letshogo) Ke modumo wa eng o mokanakana o, a mme ke nna mmonadilo E rile maloba fa ke boa kwa sekereng ka fitlhela mosadi wa me le morwadiake Seipati ba bolailwe go twe ke bone ba ba bolaileng Senanapo morwadia kgosi. Gompieno jaana setlogolwana sa me Setlhabi o bolailwe ke Ramathata. (O simolola go lela) A ke gore ga ke a tshwanela go tswa mo motseng ono ruri?
lepodisi: (Go konyakonya motho mo lebating) Koko!
lepodisi: Hm ! go thata.
MMalaBadi: (Ka boikgantsho) Seako o botlhale, e bile o rata dilo tsa tlhamalalo.
Modise: Ke ke...
MoRwesi: (O utlwa Sankatane a lela. O tlhaga a sianela Sankatane) Sankatane! Sankatane o lelela eng A Kgodumodumo e go tshwere Ijoo ngwanake o kae Sankatane! Naare mosimane yo o ile kae Fa ke mo reetse ka re a se ke a sala a tsamaya jaana o ile kae... ! (Kgodumodumo e utlwa selelo sa ga Morwesi, e simolola go bokolela) Ijoo... utlwa fela jaaka Kgodumodumo e gaketse! Sankatane?
phika: O a utlwa! O a utlwa! Ke tse ke di ganang tse!
Monna: Ba ba fudugang ba, ba laetswe ke Killer go dira jalo. O rile ga a sa rata go ba bona fa morago ga ura ya bongwe.
Kgosi e ne ya ikuela go basadi gore ba thuse ka le bona ba e tshwarang ka fa bogaleng.
feke: Ee. A re batleng motlhala wa lerole le dipholetšhe mo go Nnuku. Lebelelang mosese wa gagwe, le mangole le menwana. Ke ena a neng a le ka fa tlase ga bolao jo. (Nnuku le Bosalala ba a lela) O tsene mo ntlong, a fitlhela Mmemme. E rile a sena go mmolaya a palelwa ke go tswa. Go fitlhela a bulelwa ke dikopa tse.
Boipelo o bolelela Motswedi dikgang tse di mafaratlhatlha.
ntlhake: Kana e bile Nakedi ke mo jele ping ka dinala, ka ba ka mo fala maragonyana a ka setlhong...
ntlhake: Ntlhang o ka re e kgolo Mh e kgolo..?
phofu: O tlhodia le leseanyana la rona le le tla gorogang gautshwane. Ga ke itse gore ka o dule fa o rwele thoto o re o ya kwa gaeno gore o busitswe ke eng Ga ke itse?
MMakgoMotso: Ke gopola mafoko a ga malomaago fa a ne a go botsa gore bo tla sa jang, o bo o retelelwa ke go mo araba...
tshepo: Rremogolo o nkolopelang ka boloko Phrr phrr..?
Monna: Nnyaya. Se lele tlhe. Mogatso o botlhale, e bile re na le tumelo ya gore o ile go fenya.
kgoMotso: (O a sunasunetsa) Mma, ke ne ke sa gopola gore nyalo e botlhoko jaana...
MoRatwe: (Ka mafega) Nnyaya basadi, nna ga ke wa leloko leo.
A e tshwara ka mogatla a o goga, a e tlhanola.
kgoMotso: Dikgang le dikgobo ke nna fela.
thipe: (O a tlhaga) Nakedi, Tshepo, le a bo le dirileng?
Go maitsiboa, go tlhaga sejanaga mme sa ema.
seleBaleng: (O a gakala) Hee batho! A Kgomotso ke ene a go rometseng kwano Dinotlolo tse ke di neetswe ke Phofu tse..?
tau: Molato ga o teng ausi. A nka go thusa?
Go khuma matlalo: Go tlosa matlalo mo mmeleng.
nakedi: Rremogolo, fopholetsa gore go eng ka mo sephuthelwaneng se...
Boipelo o dira meletlo e mo go yona go tlang bahumi.
tshepo: (Ka go tenega) Ke ya go bolelela ntate...
1.6 Come on.
ntlhake: Ke bona molomo wa gago o o fa tlase o ntse o binabina. O ka re o tla bua sengwe se se maswe.
RantleRu: O mmiletsang o bona gore o sule Ke go boleletse gore sengwe se teng mo ntlong?
MoRatwe: (Ka go tenega) Ga se mokgwa wa nnete oo. Nna ga ke o bee sebete. Wena Moswinini o wetsa Boipelo go dira ditiro tse di sa tleng ka tsela. Motho yo ga se kgale a tlhokafaletswe ka tsela. O sa ntse a le mo bontshong. A ga o elelelwe fa o dira boleo?
1.5 Lefoko "Khamaan" le tswa mo puong efe?
kgoMotso: A mme o raya gore ke tla kgona go itshokela masula ao mma le fa go twe ke dilo tse di fitlhelwang mo botshelong tota?
Boipelo: (O bua a tenegile) Puo ya lona ga e monate batsadi ba me. Dilo tse lona lo dumelang mo go tsona nna di a mpalela. Ke tsa motho a goletse mo taolong ya badimo ba ba sa direng ba.
f. Poloto Tatelano ya ditiragalo di na le mabaka a a di tlholang e bidiwa poloto. Poloto ya terama e tsamaya ka dikgato. Poloto e kaya tlhatlhamano ya ditiragalo di na le mabaka a a di tlholang. Ka mantswe a mangwe go lebelelwa gore ditiragalo di phuthologile jang, mme tsa lepololwa jang, go ikaegile ka mabaka a a dumeselesegang, a a letlang gore ditiragalo tse di ka diragala jalo, mme a kgodisa.
MoRatwe: Re tsogile sajene. Nna ke raya lona?
tshepo/nakedi: (Ba araba mmogo) Re ka se ka rremogolo Le e seng, re a go solofetsa.
Motswedi: Bona Boipelo, ke a go rata, mme nka se kgone go go nyala. Fa ke go nyala, o latlhegelwa ke tsotlhe. Re kganelwa go nyalana ke motho yo o ileng badimong. A seo ke nnete?
seako: (O a gakgamala) Terata ya tshimo ya me!
tshepo: (Ka letshogo) Rremogolo, rremogolo, ga go sepe ke a tshameka.
lepodisi: Ke ne ke batla Selebaleng kgaitsadiaka.
tshepo: O ne o le senatla he!
phika: (O galefile) Fa o le mokima jaana, o tsile go tlhalefa leng Bona ditsebe tsa gago di tshologa mafura?
MMalaBadi: (Ka go gopola) O nagana gore ke sematla. Tshimo ya me e mo ntshe lebotsane, mme nna ke tlhoke dimpa. Phika o tla nkitse sentle gompieno.
Boipelo: Dumela ntata, dumela mma. Lo tsoga jang?
RakgoMotso: Bua o tswa Kgomotso! O rata gore nna ke reye batho ke reng Eya gae?
MMakgoMotso: (O a tsitsibana) M m... m... e le gore o imile ngwana yoo le mang?
MoRatwe: Nna ke tla phoka kofi.
Boipelo o a tshwarwa.
MoRwesi: Ngwanaka! Diruiwa tsa batho di ne di tlhatlhelwa mo masakeng ano. Go ne go le dikgomo le dipodi, mme le tsone di jelwe ke Kgodumodumo.
tshepo: (O tshosa Ntlhake) O se ke wa tsenya mabogo mo dikgwatlheng rremogolo go na le letlametlo ka mo gare...
RakgoMotso: A ko o iketle wena ga ke bue le wena ao!
seako: Fa e ka bo e se wena ka go tlhakantsha masimo, dikopano tseo di ka bo di se yo.
tau: Rre Mathule, go fitlha gompieno, ga re ise re baane le bopaki. Se re nang le sona ke dipelaelo fela. Ke ne ke ntse ke re ke tla go romela tshwetso ya rona ka kgetse e.
seako: Bo tla sa. Ka gongwe re tla tsoga re utlwa sentlentle gore go diregile eng.
seako: Raditerekere o go kgatlhile ka eng?
MMakgoMotso: (Ka kutlwelobotlhoko) Se rialo tlhe Kgomotso ngwanaka...
Motswedi: Ke leferefere le le ratang go kotula fa le sa jalang gone. O bosula, o setlhogo e bile o megagaru ka a fedisa botshelo jwa motho a sa mo rekegele.
MMegi: Kgodumodumo e ne ya fetsa batho ga mmogo le diruiwa tsa bone tsotlhe mme ga sala mosadi go twe Morwesi. Morwesi o ne a iphitlhile ka mo khuting. O ne a itibola ka ngwana wa mosimane yo a neng a mo taya leina la Sankatane.
MMakgoMotso: (Ka kutlobotlhoko) Hm! ga ke itse gore ke a bo ke tla go gomotsa ka go reng fa rraago e le motho yo o tlhogo e thata jaana ruri.
Boipelo: (O a tswa) Sala sentle rre Mathule.
seako: Buisane pila, he! Tshwara thobane mo gare ga tlhogo.
feke: Jaanong ke a itewa Ke eng lona lo sa nkarabe fa ke re lo rileng Mmemme?
kgoMotso: Hae ! Ruri...
2.7 Fa a ka tlhola a mo utlwa a bua ka tshimo ya gagwe.
Go utlwala phefo e kgolo. Go simolola go na pula.
3.2 BO TLA SA JANG MOSESE, MOSESE, MANGOLE LE MENWANA. Diterama tse pedi tse di batlile di tshwana. Bolela morero wa tsona, o bo o kwale dintlha di le supa tse diterama tse di tsamaelanang ka tsona?
Motswedi: Ga go sa na le molemo le mosola wa gore re nne mmogo.
seako: (O nyemile moko) Ruri tsala ya me e gobetse. A o setse o biditse emelense?
ntlhake: Ba ntshositse ka yone. Ke utlwile moriri wa me o sosobana, ka re gompieno gona ke se bone sepoko fa ke leba ka fa morago ga lerako le, ke bona melomo e pekenya ditlhase... dipoko mo go feleletseng...
kgoMotso: Ee mma.
Ke ka tshwarisa monna gore molao o mo latlhise tshotlako e a e dirang.
Ya bobedi: "Bo tla sa jang" : Motho ga a ke a itse gore o tla diragalelwa ke eng mo letsatsing le le latelang?
Mathata a gagwe e ne e le gore monna, Phofu o tsentse mosetsana mo ntlong.
Ka go buisa ka kelotlhoko bayokerafi ya mokwadi, baithuti ba tla tlhaloganya ditlhangwa tsa gagwe botoka.
lepodisi: Ke tsile go tsaya dinotlolo mma.
seako: Go jalo tsala.
ntlhake: Ke a ba rapelela. Ba itshwarele Thips. Kana e bile ga ke a ngatega...
Modise: Ntate o tla nthekela eng Gape ke ne ke betsaka dikgomo, e nngwe ya bo ya nthaga?
Thaologo: Ditiragalo di a simolola. Di tsoswa ke dikgakololo tsa moemanokeng.
tau: (O ya teng) Dumela koko.
seako: Se se nthobang le marapo go feta, ke boramasimo ba bangwe ba ba robedi.
nakedi: Tshepo, o se ka wa tlhola o tshameka ka rremogolo jalo, go kotsi...
Modise: Nnyaya, mama. (O bua ka pelo e e botlhoko) Ga ke re o tseela batho masimo, e bile o setse a batla le ya gaetsho.
seako: (O hemela kwa godimo) Ga ke gane gore madi a a tlhokega, fela e seng matlakala a a tswang mo molomong o o nkgang oo wa gago...
kgoMotso: (Le ene o a seba) Hm! Mo letle a tsene mma...
RaditeRekeRe: O kae morena Phika (Ga a arabe) Tlhang o ka re o tlhoka lethabo?
Nnuku o ntse a mo kgoreletsa go kopana ka tokologo le Mmemme.
O sebete tota. O tsena mo ntlong e na le mosadi, e bile o a laola, o tsaya dinotlele tsa ntlo.
kgoMotso: Hm! Ke tshaba botshelo ruri.
Boipelo: (Ka lenyatso) Batsadi ba ba tlholelang bana ba bona, o ba bitsa batsadi Nnyaya, ga ba nthate?
Monna: (O a tshega) Nna ke ne ke ntse ke itse gore o ile go ba fenya. Gape Seako ke matlholaadibona.
Sk. Bogagapa bo bolaya mong wa bona. Re bona Phika le Killer ba swa ka ntlha ya bogagapa le lenyatso la bona.
tsamaisiwa ke eng masigo jaana monna?
feke: Mme O a botla.
nakedi: E seng ka setlhong rremogolo ke a go rapela ijo...
MMakgoMotso: A Phofu o go kobile ngwanaka?
tau: Tsena ! Ao! Rre Mathule, ke wena mothaka yo?
Ranko: Mokgadi mogatsaka, Boipelo o tshwenngwa ke madi. Ditsala tsa gagwe tse di mo farafereng tse le tsona ga se batho ba sepe.
Mathule: Ee. Ke e.
kgoMotso: Ga se sebaka thata ke tsile, ke...
kgoMotso: Mma tlhe, o leke go mo tlhalosetsa sentle tlhe.
ntlhake: Le latlhele mo kgetsaneng eo re tlhatlogeleng kwa thoko ga thaba kwa...
phika: (O gakgametse) O sa re ngwaga. Tlhang rona boPhika le balemi ba bangwe ga re a tlhola re re ka mmamoso. Kana tšhelete e a tlhokega mo matshelong a rona.
Boipelo: (Ka go makala) Ke mang yo o tlang a kgweeditse ka tshoganyetso jaana Nta ke tlhole ka letlhabaphefo. (Ka go tshoga) Lepodisi! Le batla eng fa?
Modise: Le nna ga nkitla ke go swabisa rra.
Bosalala: (O a lela) Ijoo, Mmemme! Mmemmewee!
Rraagwe ene o tlhapile diatla.
RantleRu: A tsene kae?
1.3 O akanya gore goreng RraKgomotso a tsibogetse tiragalo e jalo?
Sankatane o lootsa lerumo la gagwe.
nakedi/tshepo: (Ba tloga ba siana) Re tla siana rremogolo, o re lete...
ntlhake: (Ka go tenega) Ga ke le tseele naane, le ntenne maabane. Fa ke leba lefifi le o ka re go tla tlhagelela sepoko. E bile nka bo ke sa le fa kgaka gore lo e bese...
3.8 O ne a na le pelaelo ya gore mogatse o tla mo isa ga maotwana hunyela. A ka tswe a ne a itse fa go le ntšwa nngwe e e mo nwelang mae.
Ranko: Eetlaya kwano...(O a tsena) Nna fatshe mogatsaka.
phika: (O tenegile) Ka mafoko a mangwe, o rata go nthaya o re ke leferefere?
MMakgoMotso: O sale a tswa fa a re o ya mabentleleng.
Modise: Ke ntate Phika.
tshepo: Itekanye rremogolo...
ntlhake: Fa re simolola go rua fa le rraalonamogolo, rraalona e sa ntse e le mosimanyana jaaka lona jaana, sekgwa se se ne se tletse ka ditau.
Terama ya radio ke nngwe ya makala a diterama a a leng teng e leng ya kgaolonngwe, ya serala, ya thelebišene le ya mmuaesi, mme diponagalo tsa yona di batla di tshwana le tsa makala a mangwe.
Mathule: Ke moemedi wa nnete.
kgoMotso: (O ntse a lela) Ruri mma, ke bua jaana mosetsana yoo a le mo mmeleng.
feke: Borra, ke lona ba e seng matagwa, mmolai wa lona o dule fa go tseneng nna Feke teng.
Lemorago: Maitshetlego/tikologo le nako ya ditiragalo.
3.10 Go mo kgalema.
MoRwesi: (Ka letshogo) Sankatane! A o ntse o le mo khuting (Tidimalo) Fa go didimetse jaana mosimane yo o a bo a ile kae fa Kgodumodumo e gaketse jaana. Sankatane! Ijoo ngwanake ke yole o lata Kgodumo-dumo! (Ka go bitsa) Hee bowa koo! Sankatane bowa koo e tla go bolaya?
phofu: O raya ka...
RakgoMotso: (O a galefa) Kgomotso; ke go botsa jaana ke go bona gore o fano ga ke ise nke ke go botse gore o fa kae... ke go boditse gore o tsile leng.
Boipelo: (Ka go tshega) Tlogela go ipoka ka o no o hunyeditse mogatla e kete o ntšwa. Ke gona o phuthologang jaanong.
Bosalala: Le lona le berebetswe ka fa gare.
Ranko: Ngwana yole o ntsholotse jaaka metsi a fetsa go tlhatswa dijana tsa moletlo wa lenyalo. Nna ke sa tswa ke ya ka fa ga Ngwako.
phofu: (Le ene o a tshega) O rata re ka tloga leng selonyana se sentle?
kedisaletse: (Ka bosilo) Ga re mo reetse sepe, ga re tlhole re mmatla. Rona mono Phokeng re na le kgosi e le nngwe fela. Ke mosimane wa Sankatane.
seako: (O gakgametse) Tlhakantsha masimo!
nakedi: Monna, ntlhang mme go a tshikinyega mo kgetsaneng e?
MoRwesi: (Ka selelo se segolo) Ijoo Kgodumodumo e meditse ngwanake! Ke tla dira eng E seng le nna ke ye kwa go yone e mpe e mpolaye ga mmogo le ngwanake Nte ke siane ka bonako e sa ntse e galefile jaana gore e mpe e mpolaye mmogo le ngwanake?
RakgoMotso: (O galefile) Hei mosetsana! O a re o a re go a reng?
O bolelela Tau, radiinšorense.
Boipelo: (Ka boikgantsho) Go siame tsamaya.
phofu: Seo ga se bothata tlhe selonyana se sentle. Kana o lebetse gore madi a bula dikgoro tsotlhe?
RantleRu: Ee, ramatlhale.
tshepo: (O letsa molodi) Hokai ho, ho...
MMegi: Lentswe le, le ne le goa ka mokgwa o bosigo botlhe.
RakgoMotso: Ao! O tla leng Kgomotso?
Motswedi: Batho ba tla re leba ka matlho a mahibidu. Go botoka o rekise ntlo e, re tla ya go nna kwa Mabopane kgotsa kwa Tlhabane. Re ka nna ra ya go nna kwa Mafikeng. Fa re le koo, ga go ope yo o ka re tshwenyang.
Go maitiso, go utlwala medumo ya maitseboa.
Boipelo: (Ka go gomotsa) Nnyaya, Motswedi mokapelo, re ka se palelwe. Leano la rona ke le le popota thata. Ga ke tshepe go na le motho yo o tla belaelang fa Ramarumo a sena go tlhokafala. Ke setse ke go kaetse gore Ramarumo o kgweetsa e kete o tebetswe ke loso. Le gona o a nwa. O itse sentle gore o nwa bojalwa boemong jwa mogodungwana.
RakgoMotso: Bona fa Mmakgomotso, ga ke na mafoko ape le wena. A re mmogo?
feke: Ke tswa kwa etsho. Ao, o Rantleru Dumela rre lepodisi. Go rileng fa go riana. A lo ne lo dikile Mmemme mantšwa ke lona?
2.5 O botlhale. O rata dilo tsa tlhamalalo.
1.8 O ne a itlhaganetse go ya kae fa a tla tlhokafala?
ntlhake: (Ka letshogo) Ijoo ke tlhasetswe ke ke..... Thusang ke... ke a ngatega.
Mathule: Go fela jalo. Le gale dintlha tsa yona ga di farologane kgakala le tsa pele.
tshepo: Rremogolo Rremogolo...
MMaseako: Ke go reeditse rraabo.
3.4 Ka bohumi/madi a a tla bong a tshela ka ona le go pepentsha botshelo jwa motho a humile le dinala.
lentswe: Lona batho ba Phokeng, ga mmogo le kgosi ya lona lo galefisitse badimo ka go sa ba lebogele mabele a mantsi a lo a robileng. Badimo ba tlile go roma Kgodumodumo go tla go le feleletsa ga mmogo le diruiwa tsa lona.
Bosalala: Ke tlile go raya batho ke reng wee!
phika: Owaii! O ntlhomola pelo. Moeteledipelenyana yole wa lona Seako, o tsile go le wetsa ka lengope.
Mathule: (Ka kutlobotlhoko) Boipelo kgaitsadiaka, ke maswabi fa o tlhokafaletswe ke monna. Amogela matshediso a ga Mathule.
Moswinini: Tsala, nta le nna ke tsamae. Letsatsi le setse le wela. Ke tlaa tla ke tlhola le wena ka moso. Sala o ikakanya ka moletlo.
feke: Motho wa lona fa a tloga o tlhapelelwa mo botagweng jwa me. Ke mang a rileng nka se ka ka thusa Kgotsa ke ka lona le tsere ura yotlhe le dikologa setopo le sa tswe tema?
seako: (O hutsafetse) Ke bua eng le bona mmaago Modise Kana ga ba sa rata go buisana le nna. Ba tlhatlhamolotse matlo, ba iketse?
2.5 Bolela dintlha di le pedi (2) tsa semelo sa ga Seako jaaka a buiwa ke Mmalabadi.
nakedi: (O fetola kgaka) Rremogolo, o re solofeditse gore o tlile go re tseela naane maitseboeng ano...
ntlhake: (Ka letshogo) O a aka, ga o sepoko o motho (Basimane ba simolola go tshega) ... Bosegataborukgwanyana ke lona... Tshepo, Nakedi... le ne le tla reng fa nka bo ke ngategile?
Go bosigo, monnamogolo Ntlhake o tlhaga a gogagoga maoto mme le gape o tsamaya a opelela kwa tlase.
Bosalala: Ke ke... o ne a nketetse.
Batho: (Ba a goa) Mosimane wa Sankatane o re thusitse! Ke ene kgosi ya rona. A re mo direng kgosi! Sankatane! Gola phoka!
a. Morero/thitokgang Morero/thitokgang ke modi wa kgang ya terama. Ke ona kgotlhang ya terama e melang mo go yona.
phofu: Fa o le montle o ka tsena!
kgoMotso: (O ntse a rata go lela) Di bue ka fa o kgonang ka teng Phofu...
Motswedi: (Ka go makala) O a re o fetotse tshupaboswa ya kabo ya boswa?
MMakgoMotso: O a bo o weletseng mo 'tlhareng sa mokgalo ruri! A jaanong o go kobile Kgomotso ngwanaka?
Mathule: Ke ne ke batla go itse gore lo tla go le go kae ka kgetse ya Ramarumo. Re tshwanetse ra duela fa e le gore bomenemene ga bo teng mo losong lwa gagwe.
nakedi: Tshepo a re o a mo tshosa rremogolo...
Mathule: Le nna ke na le pelaelo. Morago ga loso, ke fa segataborukgwana se go tweng Motswedi se simolola go tshamekela kwa ga Ramarumo. Gompieno jaana ke naletsana. O apara diaparo tsa go tura, mme ga a dire.
RantleRu: (O mo swaya ka tlelapa) Heei, ga ke tshameke golo fa! Ka re o butsoga kae O ntse o iphitlhile mo ntlong Nkarabe, o tlogele go tlatsa matlho le naga?
lepodisi: Ene Phofu yo o go imeditseng dinotlolo yoo.
Monna, fologa o tsamae. Ke se tlhole ke go bona. (O thubaganya lebati la koloi, o a e dumisa, o a tsamaya. O bua a le esi). Nnuku, Nnuku! Nnuku e ne e le sssoomamang! Rona re itse boMmemme. Ga ke bolo go fepa motho ka bojalwa ke mo reka gore a fitlhe diphiri tsa me. O ile Nnuku. Ke nna le Mmemme fela. (O emisa koloi) Ooyi, naare o setse a timile lebone le ena Mmemme bathong O robetse ngwanyana wa me yo ke sa bolong go mo lomelediwa ke Nnuku. O emetse gore Salaboy a feta a re ko-ko-ko! gararo mo lebating, a be a bula.(O kokota gararo mo lebating a be a leta sebakanyana. A be a ipoeletsa gape. O buela kwa tlase ka go fela pelo) Khamaan! Bula ka pele ke ise ke bonwe ke matlho a a fa a a ratang dilo a?
tshepo: Thupa ga e bolaye monna...
Tshimologo/Thaego: Mogapatiro o bega bothata ba gagwe. O itela mo go moemanokeng wa gagwe.
phofu: Re tla lesa fela e a leng mo go yone e.
thipe: (Ka go rapela) A e ne modiga Mokwena. Nna ke ne ke dira se e leng tshwanelo ya me, gore fa o fitlha mo dingwageng tse ke go fe phenšene. O ye go ja mofufutso wa phatla ya gago kwa gae. Ke ne ke ithaya ke re ke go direla molemo.
kgosi: (Ka kgakgamalo) E ka ba ruri se se diragalang mo motseng wa me ke eng?
ntlhake: Molemo o o ka ntirelang ona o mongwe fela. Ke go re fa ke swa, mmele wa me o jewe ke diboko tsa moraka o. Ga ke ye gope.
seleBaleng: (O a tshegatshega) Hae! Re tla tloga nako mang go ya hoteleng daddy?
Ditlhogo tsa diterama tse ka go farologana di tsamaisana sentle le ditiragalo tsa tsona, e bile tse dingwe di senola melaetsa ya bakwadi.
MMakgoMotso: O ne a go kaela fa malatsi a mangwe a tlhaba ka bonolo le bolelo jo bo itekanetseng.
sankatane: (Ka selelo) Mma!
2.2 O lenyatso. O bua dilo tsa batho ka go di nyenyefatsa.
seleBaleng: (Ka bonako le letshogo) Phofu ofe!
Tomagano: Thulaganyetso ya sengwe, mabapi le gore se tla dirwa jang.
Dipotso go tswa Diterameng tsa Radio . . . . . . . ..
kgoMotso: (Ka kakanyo e e tebileng) Hh ! Ke a bo ke ya go latsa kae tlhogo fa bosigo bo setse bo tsena jaana tota Ke raya fa diphaposi tsotlhe di lotletswe jaana Le tlala e nkabolotse. E kete go sejanaga se se emang fa ntle fa... ka re ke tshaba le go okomela ruri, gongwe ke bone?
tau: Tlaa re tsene ka fa kantorong ya me. O tla tshwanelwa ke go mpolelela tsotlhe tse o di itseng ka ga kgetse e, o se ka wa fitlha sepe.
seako: Le bona ba file Phika ditshimo tsa bona.
Motswedi: (O sa ntse a tshwenyegile) Le fa go le jalo, re tshwanetse go itota. Ga go ope yo o tshwanetseng go itse ka se re se dirileng. Fa magogwe a ka belaela lomepe, o itse re tla wela ka lemena le re le ikepetseng.
Selekanyo sa karabo.
Batho: Didimalang lo reetse mmakgosi ya rona, mmaagwe Sankatane o a bua Bafokeng. Bua mohumagadi!
feke: Ga ke ye gope. Ke lemogile gore le nnetse go ija dinala, le palelwa ke go akanya. Fa le ka bo le ipoditse dipotso tsa botlhokwa, le ka bo le feditse.
tau: (O a kokota) A go na le motho gona fa?
Fa ba buisitse, ba tlhalogantse ke gona ba ka tsenang mo tshekatshekong ba dirisa ditheo tsa tshekatsheko ya terama, bogolosegolo ya radio, e e kwaletsweng go reediwa mme e phophoma medumotlaleletso mo dikaelong tsa bakwadi.
tshepo: Bula Nakedi rremogolo a bone...
thipe: (O tlhaga a taboga) Rremogolo Ntlhake, o fa kae?
Lokwalotshelo/bayokerafi: Hisetori ya botshelo jwa motho go tswa tsalong go ya losong, le fa a sa ntse a tshela.
tau: Ke a go utlwa.
Diteng tsa setlhangwa - Molatswana wa gaetsho ..
3.2 Ba ka belaela gore go rerwa sengwe se se bosula.
ntlhake: Kgang ya gago ya maabane...
lepodisi: O tshwanetse go busa dinotlolo tseo mogatsa Phofu a ye go dira dithulaganyo tsa phitlho ya ga Phofu.
Modise: (Ka boitumelo) Nna ke ya go dira jaaka ntate a ntaela.
Batho: Didimala wena, o ntse o re Bafokeng!
seako: (Ka khutsafalo) Mo go nna e ka re ke ditoro. Ke ile go tsaya lobaka lwa ngwaga ke inagana.
MMaseako: O sa ile kwa lesakeng. Gona o tshositswe ke eng Nkitsise gore o mmatlelang?
ntlhake: (O bua o ka re o tenegile) Ee ke nna, o ne o reng?
phofu: A ko o lotlele ditswalo tsa diphaposi tsa ntlo tsotlhe re tle re intshe ratu.
lepodisi: Oo! Itshoke tlhe kgaitsadiaka...
kgoMotso: Ke gone ke...
Bagologolo ba ne ba dumela gore lebitla la mosadi le kwa bogadi./Ke matlhabisaditlhong gore motho a boe kwa bogadi.
phofu: Ka re boa ka thoto eo o tle go nna fa ga o tsene ka phaposi epe ya me...
1.4 Mmui o amana jang le Nnuku, gape le Mmemme?
Mokgadi: Nnyaya, foo o e tshwere rraabo. Ngwana a ka se ka a wela ka lemena re sa ntse re tshela.
MMalaBadi: (Ka mafega) Nna ga ke dire matlakalanyana ao. Tshimo ya me, ke tshimo ya me. Ga ke e tlhakantshe le ya motho, e bile ke ya go nna ke lema mmopo!
Mathule: Ramarumo o dirile diphetogo di le mmalwa ka ga kabo ya boswa. Wena o moabelwa yo mogolo. O tla bona madi otlhe a Ramarumo a neng a a beile kwa polokelong. O tla tsaya le ntlo ya gagwe.
seleBaleng: A jaanong re sa ntse re ya go iketla kwa hoteleng le go ja teng gompieno?
O tshwanetse gore a kgaratlhe a lwele se e leng sa gagwe.
Boipelo: (O bua a le esi ka pelo e e botlhoko) Ke tla tshwanelwa ke go swa jaaka ke bolaile Ramarumo. Motswedi o atlholetswe dingwaga di le lesome. Nna ke atlholetswe dingwaga di le tharo. Moswinini ena o iphimotse ka rona. Nnyaya, o ne a ntomeletsa. A ka bo a tlhatlhelwa. Ruri ke moipolai. Ke ne ka bolaya Ramarumo. Ga ke a dira tiro ya me ya bosadi, go mmo-ntsha fa ke le mosadi wa gagwe. Modimo, ke moleofi yo mogolo mo lefatsheng. Batsadi ba me intshwareleng. Ke lo foseditse thata. Ramarumo mogatsaka, intshwarele le kwa o leng teng. Mme yo o rategang, a badimo ba robale le wena. Ke go tlositse mo lefatsheng ka bonako. Motswedi, ke ne ke ithaya ke re o a nthata. Ke lemogile ka nako ya tsheko gore o ne o sa nthate. O ne o ikgopolela o le esi. O ne o rata fa molato otlhe o ka wela mo godimo ga me. Moratwe tsala, o tsala ya nnete e le tota. Ke nyaditse dithuto tsa gago. Ke nnete thutonnye e a bolaya. Modimo intshwarele dibe tsa me ke sa le mo lefatsheng. Ke ne ke re ba tla nkitse. Ee, ke nnete, ba nkitsitse ke le mmolai yo o setlhogo.
Boipelo: Tsamaya sentle tsala. Ke tla rulaganya.
Batho: O buile kgosi! O buile mosimane wa Sankatane.
nakedi: Itšhuuuuu o nnota botlhoko rremogolo... nka se tlhole...
MMaseako: (O mo tlhaeletsa ka lentswe) Mogatsaka o itlhokomele!
phika: (O tenegile thata) Gonne gompieno ke lemolola tshimonyana e ya gago. Raditerekere, simolola tiro ya gago monna.
Boipelo: Ke bo, itlhadie o tle o itse go anya mafoko sekonyana.
Ya re Boipelo o tla bona madi otlhe fa fela a ka se nyalwe.
Bosalala le ene o na le nyatsi.
seako: (O tenegile) Ruri gompieno Phika o tla nkitse sentle.
Ramarumo o tlhokafetse. Ke tla mo lelela go fitlha kae?
3.10 Maitlhomo a ga Ranko le Mokgadi a go jela morwadiabone nala ke afe?
ntlhake: (Ka pelo e e botlhoko) Pelo e botlhoko go setse go neela mowa fela...
ntlhake: (O nosi, o bua ka pelo e e botlhoko) Ga ke dumele ruri. O ka re ke a lora. Ga ke a ka ka gopola gore letsatsi le le ka tla. A tota ke nnete ke kgaogana le moraka o, Tshepo le Nakedi. (O a sunetsa) Nka itumela fa e ka re ke swa, nama ya me ya jewa ke diboko tsa lefelo le. Botsofe, o setlhogo. (O a lela) A golo fa ke a lela ne Nte ke tlogele go lela. Botshelo bo kile ba nna monate mo morakeng o, mme jaanong Thipe o batla gore ke boele gae, o tla ka tsona maabane wa maabane fela. Ga nkitla ke mmolelela gore Tshepo le Nakedi ba ntshositse, ke tla itira fa e le pelo ya me ka e le botlhoko go tloga mono..?
Sa se ke sa leboga badimo mme bona ba galefa.
kgoMotso: Agee sajene.
phika: Ga ke dumele gore o sa ntse a ka go thusa. (Ka go gatelela) Dumela nna fela, fa ke re re tshwaragane re jale korong.
MaBinagotsholwa: (Ka bosilo) Ka re o sekopa sa kgosi fela wena. Dira sengwe re tswe mo motseng o, a o ntse o lebile ka moo Kgodumodumo e fetsang diphologolo tsa rona ka teng?
1.1 Kgomotso o ne a bewa ke eng kwa gagaabo?
Nka ya go begela batsadi ba mosetsana gore o nthubela motse.
c. Batho ba ba diragatsang ba tsweletsa ditiragalo tsa terama ke badiragatsi. Ga ba anele mme ba diragatsa ka ditiro le mmuisano.
MMalaBadi: Gape ke na le bopaki ba se ke se buang. Phika o nkopile go dira jalo. Kana le nna tshimo ya me, e ka kwa morago ga ya gagwe.
phika: Ke kgopolo ya ga kgosi ya me. Ke ne ka tlhajwa botlhale ke tsala nngwe ya me kwa botlhabatsatsi.
Boipelo o nwa bojalwa le ditsala.
Boipelo: (O simolola go ngala) Go reng e kete o a ipelaela A ga se wena o neng o gana ke re re mo tshelele botlhole?
Boipelo: (Ka go lela) Ke a leboga rre Mathule. Batho ba go tshwana le wena ba a tlhokwa.
thipe: Ke bonang Jaanong laakane yona e batlang fa?
O tshikhinya gore ba nne mmogo fela, ba je madi.
MMakgoMotso: Jaanong fa ba mo phuagantse, le wena o a mo latlha?
O boifa gore ba tla mmolaela mo ntlong.
MMaseako: (O a belaela) Nna ke a ganela mogatsaka. Golo fa go bonweenwee jo bo diregang. A wena ga o a ba botsa sepe?
Go bosigo, basimane ba besitse nama.
RaditeRekeRe: Ke nna kgosi ya me. Go ntse go tsamaega jang ka masimo?
tau: Tsamaya sentle rre Mathule.
RantleRu: Ka wena o le botlhale, re bolelele gore fa setopo se lotleletswe ka fa gare ga ntlo e e se nang ope, se a bo se bolailwe ke mang, jang?
MoRwesi: (Ka selelo) Ke ne ke iphitlhela eng Jaanong ke tla sala le mang mo lefatsheng le E seng le nna ke mpe ke tswe gore e nje e fetse ka nna. Kana monna wa me e rile a ntshia mono a mpha taelo ya gore fa ke le mo tsietsing ke itse gore "Ke na le Modisa mme ke tla be ke sa tlhoke sepe." Ke mosadi, ke tshwanetse go itiisa, ke tla thusega. (Lesea le simolola go lela) Ao! Ke a leboga, ke thusegile ka ngwana wa mosimane. O tla nkgolela, mme ke sale nae. (O gomotsa lesea) Didimala ngwanaka, didimala, simane wa ga mmaagwe! O tla re o tlholetswe ka o fitlha dilo tsotlhe di fedile. (Moragonyana ngwana a robala) A e re a sa ntse a robetse ke mpe ke ye go senka se se jewang. A ke tlhodise sentle pele gongwe Kgodumodumo e sa ntse e le ka fa ntle. (O a tsoga, o tlhola gore a Kgodumodumo ga e bonale) Nnyaya ga e yo?
Nka se ke ka tswa mo ntlong ka mo sutela.
Leba fela jaaka diphologolo le tsone di tla di tshaba! Di tshaba eng?
nakedi: Ka tlhobolo rremogolo?
seleBaleng: Mme o tsile go nnyala "daylight!"
Bosalala: Nnuku! O tswa kae?
Batho: (Ba itumetse) Re a e bona ngwana wa rona!
Mmaagwe o bolawa ke pelo.
Mokgadi: Re tla dira eng tota gore re mo kgopolole?
lepodisi: Se ntsene ganong mma...
kediBone: (Ka bosilo) Dula fatshe wena ga o tlhole o le kgosi ya rona, a a bolawe selo se sa sekopa.
Boipelo: Ke sa tshedile sentle. Hei ke itumetse go lo bona, tsenang tlhe.
MoRwesi: (O a lela) E re ke tle go go thusa Sankatane!
nnyala pele ke tsena mo botsetseng?
MMakgoMotso: (Le ene o a galefa) Ga twe tlhaloganyo ya gago e ntse jang tota?
Mokgadi: (Ka go bitsa) Tsena. Re ka fa morago ka fa. Potela!
MMakgoMotso: Ke gone a ntseng a goroga rra...
nakedi: Rre o tlhola a re bolelela...
ntlhake: O dirang he!
Batho: O buile kgosi ya rona, mme fela ga re na diphologolo fa e sale di tsewa ke kgosi eno ya segagapa.
Mathule: O bona ena Mathule ka sebele, e seng moriti wa gagwe. Bo tsamaya jang botshelo morwaarra?
Mmueledi wa ga Ramarumo o biditse Boipelo go mo tlhalosetsa ka boswa.
MonnaMogolo: Ngwanaangwanaka, o re thusitse, le fa e le ka ntlha ya ga rraago, o re kaetse gore o na le kitso le botlhale jo ka jone o ka sireletsang setšhaba ka jone. O monnye ka popego le seemo, mme fa e le ka kitso le botlhale le tlhaloganyo o mogolo go re gaisa rotlhe. Tlotlo eno ke ya gago e seng ya ga rraago!
Mmemme o robetse jo bofe A ka ya le boroko mo ntlong ya go ikutswa (O leka lebati. Le a gana) Kana ke tla nnela go atlhama fa, kgotsa go riana motho o ile, o tlhagafaditswe ke bomaratahelele ba ba etsang Feke jaana! O ile Mmemme. Ke sale ke bona go timilwe lebone. Sis?
phofu: (Ka bogale) Hee wena ! Phaposi e o tsenang mo go yone jaaka o rata eo ke ya ga mang?
Tharaano: Kgato ya poloto ya terama e mo go yona kgotlhang e golelang pele. Go thatafala ga kgotlhang.
killeR: (O a goa) Ijojojoo! O nthogile. Nka se mo lese. Ke ya go mo tlhaba.
kgoMotso: Ga ga ke itse gore a ke go ree ke re ee kana nnyaya jaaka Phofu a setse a bone mosadi yo mošwa sajene... ke eng o botsa Kana..?
Mathule: Ke lobaka ke le motlhaleng wa gago sajene. Ke ne ke batla thuso e potlana.
seleBaleng: Ga ke re o tla feta o ntsaya fa gae fale?
tau: Go bonagala fa a ne a nole mo a neng a se na taolo e e tletseng ya koloi. Mapodisi a tla batlisisa ka se se tlhodileng kotsi eo.
feke: O kobile Nnuku O kobile mosadi monna?
Boipelo: Le fa Ramarumo a se fa gae, o fetsa go tswa a re o ya Tshwane ka mabaka a tiro.
MMakgoMotso: Ee, rra.
Bosalala: Ga re tle go senya nako ka ena abuti. Ena nka mo pakela ka gore ke tla le ena. Ke ne ke fetsa go kgaogana nae fa o tla mphitlhela fa. A a tsamae.
2.6 A ka nna motho yo o sa fetseng go bua.
2.2 MOSIMANE WA SANKATANE Kwala tlhamo ya mela e le sometlhano (15), o bolele se se diragaletseng morafe wa Bafokeng go fitlhela go sala Morwesi fela.
Mametlelelo e, e rulagantswe go ya ka ditheo tse di tshegetsang moono wa Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba mo logatong lwa FET. Ditheo tse di tshwanelwa ke go diriswa jaaka selekanyi sa go ruta, go ithuta le go tlhatlhoba gotlhe mo kgatong e.
1.5 Goreng Phofu a akanya gore tlhalo e tla nna botlhofo?
phofu: Bona fa. O ntlhodiela mosadi. O se ka wa tla go dira modumo fa...
phofu: Le teng go siame; fela ke bona go ne go ka nna botoka gore e re o sa ntse o ile go ipaakanya ke ye go tshela mafura ka bonako mo koloing?
RaditeRekeRe: O batla ke bua jang motlotlegi?
seako: Wena ngwanaka, fa ke ntse ke bua le Phika le Killer, o notlele kgorwana. Fa ba simolola go ngangisana le nna, o epolole sebepi mme o betsake dikgomo tse di thulang gore di ba tlhakatlhakanye.
seako: Bagaetsho, rre Raditerekere o batla go bua le lona.
ntlhake: Ntlhang mme le tlhabana ka matlho Le molomo wa gago o a mpelaetsa wena Tshepo. Ga ke go tshepe?
thipe: Le se ka la tshameka ka nna bašantowe, ga ke rremogolo...
kgoMotso: (Ka mowa o o botlhoko) Ke ke tla leka sajene...
RaditeRekeRe: (Le ene o tenegile) Ke ne ke ntse ke ya go e diragatsa gonne ga ke mo tshabe. Ga ke mo tshabe!
seako: A le wena o setse o eletsa fa re ka fuduga?
Ranko: Nnyaya, Mokgadi mogatsaka, nna fatshe.
lentswe: Morwesi! Mmaagwe Mosimane wa Sankatane, boa koo! Boa gone teng fa o leng teng, lesa Kgodumodumo!
RakgoMotso: Hei! Wena goromente, ke sa le kgakajana le wena; o dia Kgomotso o ya kgakala!
O ne a tshoga fa a bona tau.
RantleRu: Re tla itse ka eng?
tau: (O mo tsena ganong) Tau.
nakedi: E se ka ya ema rremogolo, e tshware ka seatla...
sankatane: Baya pelo, ga ke ise ke fetse. Ke nna ke itseng fa lo se na leruo le tserwe ke kgosi ya lona. Mme mongwe le mongwe o sa ntse a itse dikgomo le dipodi tsa gagwe. Mongwe le mongwe a a tlhophe tsa gagwe. Lo rue lo phuthologe, lo thube kobo segole lo tlhabe kgobe ka mmutlwa. Mme pele dilo tseno di ka diragala, a re direng mpho ya badimo, borre ba tlhabe dikgomo, bomme ba ritele bojalwa go nowe go jewe re feng badimo ba rona ba tle ba itumele. Ke feditse.
Buisa mmuisano o o latelang, morago o arabe dipotso ka nepagalo.
kgoMotso: Jaaka se se diragetseng se mma...
MMakgoMotso: Gone go ka nna ga nna jalo...
MMakgoMotso: (Ka kgakgamalo) Ao Kgomotso ngwanaka; fa o tla o rwele thoto jaana, a o etile kana go diragala eng?
MoRwesi: (Ka letshogo) Sankatane! O lelela eng O ntshosa jaana ke re a Kgodumodumo e go tshwere?
feke: Mpetseng, borradithata. Ga lo simolole ka nna. E bile nna ke leboga fa le sa mpolae.
Berebere: Senotledi se se notlelang lebati ka mokgwa wa go kgoromediwa.
MMaseako: Ke tlhoka botshelo ba gago go phala mahumo a lefatshe. Nka se go swabise rra.
3.1 Poloto ya terama e tsamaya ka dikgato. Kwala dikgato di le tlhano tsa poloto ya terama mmogo le se se diragetseng mo kgaolong e nngwe le e nngwe.
feke: Ke lepodisi la diphiri tsa gago. Fa o ka bo o se na diphiri nka bo ke sa bolawe ke bojalwa jo o ntswalang molomo ka jona.
2.3 Ke tlile go go itaya O tlile go lo ntsha mo tseleng/go lo tsenya mo mathateng.
Badiragatsi: Bo tla sa jang Ka C?
sankatane: Bomma le borra! Fa ke le monnye jaana nka nna kgosi ya lona jang Ke ne ke sa re lo ntire kgosi ya lona. Ke ne ke batla rre, ke mmone, mme le lona lo thusegile ka ntlha ya gore ke ne ke batla rre. Lo ntse lo na le kgosi ya lona ke..?
Bosekaseko: Go sekaseka/Go senka sengwe.
tau: A nka tsena mma?
ntlhake: (O mo tsena ganong ka bogale) Hei, Khutsepe o raya mang?
phika: Go ntse jalo. Gape re ile go jwala korong rotlhe.
phika: O tla intshwarela fa ke go tsene ganong o sa ntse o bua le batho ba gago. Fela o ka fetsa puo ya gago le bona, gonne ke na le kgang ya botlhokwa le wena.
seako: (O bua ka boingotlo) Phika, re ntse re bua ka ga masimo, jaanong ke tshele ya eng e o e tsenyang?
Modise: (Ka boitumelo) A re ya go tshwaya dipholo tsele gompieno ntate?
kgoMotso: O ka se ka wa ntumela fa ke go raya ke re go mosetsana yo o nnang mo ntlong ya rona gone jaanong mma.
Bosalala: Nka ipolaela lekgarebe jang Le gone ke wena o tseneng le nna mo ntlong re sena go roba lebati. Ga nka ke ka kgona go bolaya motho mo ntlong ka be ka mo lotlelela ka fa gare. E le gore ke dule jang?
tshepo: Tswelela rremogolo...
kgosi: (Ka khutsafalo) Ke ne ke re jaanong bagaetsho a lo nkamoga leruonyana la me Ke ne ke diretse mmakgosi boswanyana?
Nnuku, mogatsa Bosalala le ene o tswa mo ntlong.
tau: Dumela mohumagatsana. Ke tshepa ke sa timela. Ke batla fa ga rre Ramarumo.
Diponagalo tseo, di a akaretsa mme ga go reye gore ka gale setlhangwa se sengwe le se sengwe sa terama se tla nna fela jalo. Le fa go le jalo, ga go reye gore mokwadi o a bo a tlaitse gonne ene o ntsha sa mafatlha a gagwe fela. Go kaya gore mo diterameng tsa radio tse di sekasekwang terama e ka senola ponagalo nngwe mme ya tlhaela e nngwe, mme yona ra ya go e fitlhela e senogile mo terameng e nngwe.
RantleRu: Monna, Bosalala, tlaya ka kwano! Ke batlile gotlhe mo nka kgonang mme ga ke bone motlhala. Oteroupo e tshetlha. Lebeteri le yona e lolea. Siling le yona ga e na phatlha. Ga ke itse gore go tweng ka baesekopo e tshwana le e. Motho o bolaetswe mo ntlong, mabati a lotletswe ka fa teng. Mafesetere ga a na phatlha e e ka sutlhang motho. Ke tla be ka leletsa seteišene sa rona mogala, le emelentshe e bidiwe go tla go olela maswe a.
tshepo: Ke le tšhwatlile tlhogo rremogolo, le sule...
tshepo: (Ka go tshega) Ke ya go le mo fa le ntse le phela. A ngatege fa a ngatega, a tle a latlhe go njesa boloko ba kgomo.
Monnamogolo Ntlhake o tsoma ditau.
kgoMotso: Mma ga ke bone gore go tla tlhola go siama. Ka fa Phofu a golaganeng le mosetsana yole ka teng, ke bona ba tla feletsa ba nyalane, nna a ntlogetse (O rata go lela) kgotsa ba mpolaetse mo ntlong ele.
MMegi: Kgodumodumo e ne ya simolola ka diruiwa, mme ya di feleletsa, morago ga moo ya simolola ka batho.
Thaologo: Ditiragalo di similola go direga.
Sk. Go maitsiboa (nako) kwa motseng (lefelo).
RantleRu: O raya gore re ka bo re sa mmona. E le gore o ne a iphitlhile kae?
MoRwesi: Š ! Didimala ke e e etla e tla re utlwa.
Bosalala: (O kgwa mowa) Ke gakgamadiwa ke lebati ke le le lotleletswe ka fa gare mme ga ke arabiwe fa ke kokota.
Mokgadi: Go botlhoko ngwanaka gore o tle o thanye mapo lo le tsebeng.
ntlhake: (Ka boitumelo) Agee basimane, le disitse jang gompieno?
Modise: (Ka go ikgantsha) Re tla nne re go nametsa...
MoRatwe: (O tsamaya mo mmileng) Ruri motho ga a itsiwe e se naga. Ke mang yo o neng a ka naganela Boipelo Ke ne ka utlwa ke swaba go utlwa fa loso lwa Ramarumo lo ne lo rerilwe. Ke tshepa Moswinini a itse tsotlhe ka ga tiragalo e. Ke tshwanetse go itsise mapodisi. Fa ke sa dire jalo, ke tla bo ke leofa. Nta ke ye go itsise sajene Tau. Ena o tla itse gore o dira eng ka kgang e. E bile sajene Tau ke yole gaufi le koloi ya gagwe. Motlhaope o setse a ya gae. Nta ke kuke dinao (O bitsa Tau) Sajene Tau! Sajene Tau?
phika: (Ka go tenega) Utlwa fa. O se ke wa ithaya wa re ga ke itse gore lo ne lo bua ka eng kwa kopanonyaneng ele ya lona.
kediBone: (Ka selelo) Hee kgosi ke wena! Naare a ga o na banna mo motseng o wa gago A re basadi fela A re tsoleng ge diaparo tsa rona, lona banna lo di apare, mme lo re neye diaparo tsa lona le dibetsa re bolaye selo se?
ntlhake: (O mo tsena ganong, o tenegile) Ke godile fa kae Ona mafoko ao. Ke goletse mo morakeng o, go tloga o sa ntse o anya, wa ba wa mela ditedu..?
MMakgoMotso: A raya gore le fa o ka itemogela bosa jo o iseng o ke o bo bone, o bo atlarele fela jaaka bo tla bo bo sele ngwanaka.
seleBaleng: (O tibela tlase) Dinotlolo ga o di bone...
phika: (Ka bogale) Gona o batla go nthaya o re ke lesilo e bile ke senokwane Ntswele ka kgoro! Tsamaya! Tsamaya kwa ga Seako ntataalona ?
seako: (Ka boganka) Matshelo a batho botlhe a mo kotsing. Gape itse gore ga ke tshosiwe ke Phika. Ke matlholaadibona. Tseno ke dinyana, ke fetile dikotsi tota.
kgoMotso: O bidiwa Selebaleng. O nna mo ntlong ya bosupa mo go ona mmila o.
tshepo: (O rata go lela) Rremogolo rremogolo... ke a go rapela tu...
phika: (O bua ka bodipa) Ga ke na sepe. Fela itseng. Letsatsi lengwe, lo tla tlhaloganya leina la me. Phika ke kotsi e seng mantlwane.
RantleRu: (Morago ga tidimalo sebakanyana) Ke a utlwa. Go fitlha jaanong jaana ga go bonale e ka nna wena. Mhm! Go raya gore moswi ke ena a lotletseng. Mme go ka kgonega fela fa a ipolaile. Jaanong go itshupa gore o kgamilwe. Matlho a gagwe a rotogile. Leleme le betologile. O na le ntho mo kgorikgoring. Moipolai ga a ka ke a ipetsa ka fa morago.
Modise: Ke go reeditse ntate. Nka se dumele ba mpiletsa kwa ntle ga lesaka.
killeR: (Ka bogale) O a itse monnanyana yo, o makgakga. Ga nke ke bua le motho gabedi, ba a nkitse kwa Jo'burg.
seako: (Ka go tshoga) Ao! Ke wena. (O a okaoka) Tsala, monkane.
tshepo: O bo bona kae re se kwa lesakeng Ga se letlametlo?
feke: (O botla gape) Ntšwa e e suleng! Go siame monna. Boleo jwa me ke bojalwa le mogošane. Jwa gago jona ke tlile go bolelela Nnuku ka banyana ba ba salang ba mo thubela motse a se yo.
Bosalala: (O sutisa bolao) Ga go na sepe ka fa tlase ka fa, monna. O a re dia le gone. Tlaya ka potso ya gago e e botoka re utlwe.
1.10 A, rraagwe Kgomotso o dirile sentle kgotsa o atlafile ka go kgotlhisa Kgomotso setlhako?
seako: (Ka boitumelo) Ka tla ka ipofa ka ditsholofetso. O batla eng MmaModise?
thipe: Monnamogolo a ka bo a jewa ke eng ka gonne ke kgaogane le ene maabane a ntse a re tswee...
1.10 Fa o bona mmui o ntse a lomelediwa ke Nnuku jang?
tshepo: (Ka setshego) O fodile rremogolo o fodile...
phofu: (O a tsiboga) Ke eng?
Bosalala: Lebati la me Rantleru Le fa e bile go twe o lepodisi, ke a gana?
MMalaBadi: E rile a le kwa kgorong, a mpolelela gore ke makgakga ka gonne ke go ikantse.
seleBaleng: (O ntse a tshega) A o raya gore fa a sa bopega a se ka a itshwenya?
2.2 Setšhaba sa Bafokeng se ne se kotutse mabele a le mantsi.
kedisaletse: Nnyaya a re ye kwa go rre Mabinagotsholwa pele, ke ene fela a ka re tlhagang thuso.
MMaseako: Rraago Seako o itse go dirisa diatla tsa gagwe sentle mo tirong.
kgosi: (Ka selelo) Basadi thusang! Ke lona bommaabana lo tshwarang thipa ka fa bogaleng! Thusang basadi wee!
Bosalala: Sa reng-ne s'o se!
nakedi: Nka se tlhole rremogolo...
Boipelo: (Ka go ikgantsha) Ka re ke phuthile batho, e seng boesemang. Bona mesego ya diaparo tsa basadi bale. Nna ke Boipelo. Ke tla ba bontsha gore le nna ke na le bokgoni.
Bosalala: (O tshegisa tshotlo) Ooyii, kana o tlwaetse go ntshosetsa ka go re o tla bolelela Nnuku! Go fedile gompieno, buti. O ile Nnuku. Ke lokologile Ga se maloba ke go reka ka madi a bojalwa gore o se ka wa mmolelela.
ntlhake: (O itira fa a ngategile) Hmm Hmm...
seako: (O gakgametse) Nnyaya. Go ka tswa go diregile eng Kana ke tlhotse kwa toropong maabane?
1.12 Lefoko le le mo go 1.5 le senola maikutlo afe a mmui?
MoRwesi: (Ka pelo e e botlhoko) Ngwanaka o jelwe ke Kgodumodumo le ene.
seleBaleng: (O a tshoga le go tlalalana) Pho Phofu ga a swa... ga a swa o...
seleBaleng: Mme kana o tshwanetse go tlhala Kgomotso pele...
seako: Sa bofelo e bile e le sa botlhokwa, le se ke la dumela ba lo biletsa kwa ntle ga lesaka. A o ntheeditse Modise?
phofu: Ga ke batle gore re tsamae re ntse re emaema.
MoRwesi: (Ka selelo) Ngwanaka! E ne e le matlo a batho!
MMakgoMotso: (O a seba) Gongwe ke ene...
MMakgoMotso: Mme le nna ke ntse ke ipotsa gore o ya go e tsayatsaya jang kgang e.
kgoMotso: Ao Phofu bathong! Ga ke re ke baya dilo tsa me...
seako: (O a tshega) Wena o batla eng Modise: Ke batla baesekele ya go ya masimong?
MoRwesi: (Ka pelo e e botthoko) Ba jelwe ke Kgodumodumo.
phika: (O bua ka bogale) A o ithaya o re ke sematla A o nagana gore balemi ba ba nthekiseditseng masimo a bona maloba, ga ba a mpolelela gore ke wena o ntseng o rotloetsa lekgotlanyana le le ntshetseng morago le Gape o moeteledipele! Ganela ?
seako: O le mang wena Le gona o itseng ka masimo?
phika: (Ka boitumelo) Le tsogile jang rre Seako?
3.2Bo tla sa jang?
"Go botoka batho ba seka ba re bona re le babedi kgabetsakgabetsa, ba ka tloga ba belaela."
RantleRu: Bosalala, tlogela go lela monna re bone gore re dirang. Motho yo o ntse a inotleletse mo ntlong yo. Ga a ipolaya. O bolailwe. O iteilwe ka selo ka fa morago. O robegile thamo. O bolailwe. (Bosalala o nnetse go hunahuna selelo) Monna kgaotsa o a ntlhodia! Motho yo o batlang mo ntlong ya ga Nnuku A o mo tlogetse mo ntlong?
MoRwesi: Š ! E tla re utlwa, ga e ka ke ya tsena, e tla tsenya leleme la yone le letelele mme e re gonyolole ka lona e re je. Didimala pele e tle e tsamaye o tla sala o mpotsa. A re robale.
RantleRu: Heei! Ke eng o lwa le lebati la batho monna Fa o ka leka go tshaba ke a go thuntsha! O mang monna O batlang mo ga Bosalala o ntse o bona gore ga go na ope?
sankatane: Bomma le borra! A lo bona naga eno ya Phokeng mono ga Motlatla Lo bona go tloga ka thaba ya ga Rapitso go tsena ka Thaba ya Mogono Ke naga ya lona. Lo fudiseng gotlhe fela. Naga e e neng e jelwe ke dipeba ke e e talana, dikgomo le dihutshane tsa lona di tla tsamaya teng?
kgoMotso: (O ntse a lela) Phofu ke monna wa me yo ke neng ke sa ntse ke mo rata.
Moswinini: Ke tse ke di tshetse.
ntlhake: (O phamola Tshepo) Ke go tshwere letlhale ke wena. Jaanong o ile go kopana le nna...
nakedi: (Ka go tshoga) Nnyaya rremogolo, re ne re...
ntlhake: (Ka letshogo le legolo) Nka nka... nkapoleng ba... baiki. Ke... ke a ngatega ... nka...
ntlhake: Le itse jang gore ke letsatsi la me la matsalo A le ne le le teng fa ke tsalwa nna Ke tsetswe rraalona a ise a tsalwe?
Motswedi: (O a nwa) O a re go direga eng?
thipe: Rre Ntlhake, o reng o ja bana ping ka dinala jaaka tšhimpantshi jaana?
kgosi: (O tshogile) Ke tla dira eng Le nna ke gakilwe! Le gona re ka ya kae?
kgoMotso: Go diragetseng e kete o tla ntshosa jaana?
lepodisi: Ka tseo o se ka wa tshwenyega ke a di latela. Wena o ntsholofetse fela gore a o tla sala o itshwere...
seako: Dithulaganyo tsotlhe di konoseditswe, ka jalo a re leteng motsotso wa thulano fela.
E ne e le tona, e le mariri.
MMakgoMotso: Nnyaya ngwanaka, kana ga go felele foo...
Boipelo: (O bua ka mo ntlong) Ke a tla!
Morwesi o ne a phologa mme ga sala ena fela.
1.7 Ya ga Bosalala le Nnuku.
kgoMotso: (O ngotla selelo le go sunasunetsa) Hae...
tshepo: (Ka go tenega) Rremogolo se nkolope ka boloko ao! (Nakedi le Ntlhake ba tshega !
kediBone: Ngwanaka! O buile nnete, ke ka ntlha ya ga rraago re leng batho, mme nna ka re le mmaago re se ke ra mo lebala, fa a ne a sa iphitlha gore o bo o nne teng re ka bo re le kae?
Batsadi ba boela gae ka maswabi.
MoRwesi: (Ka go rapela) Nnyaya ngwanaka, fa o godile ke tla go thusa go e bolaya, e seng jaanong o sa ntse o le monnye thata. (Ka kgakgamalo) Selo se se phatsimang se o se tshotseng seno ke eng?
akedi: Re bone mo setifikeiting sa gago sa matsalo.
kgoMotso: Hm! Bao o ka bo o itidimaletse fela ka bone.
seleBaleng: O ka nna wa baya nako...
Monna: Nnyaya, intshwarele kgaitsadiaka! Ga ke batle go go utlwisa botlhoko, fela o tla nnaya seatla go ise go ye kgakala.
Ranko: Mokgadi mogatsaka, ke tshwenyegile. Morago fela gore o boe kwa ga Boipelo, dilo di a senyega. Dikgang tse, tse di buiwang ka ga Boipelo, ga ke di rate, ke ne ke re ka moso re mo etele, re mo gakolole.
killeR: (Ka bogale) O itira susu! A re tsene, Heela! A ga ke a go raya ka re ka ura ya bongwe, o be o se fa?
Ga go a ka ga thusa sepe.
Boipelo: (Ka go ikgantsha) Nna nka se tsene mo mathateng. Ke na le madi, ke na le sengwe le sengwe se ke se tlhokang. Ga ke batle dikeletso tse di se nang mosola. Fa ke di tlhoka ke tla lo bolelela. Jaanong ke ma- swabi go lo itsise gore ga ke di tlhoke.
RantleRu: Ga a ake Sajene. Mo fe sebaka.
Monna: (Ka letshogo) Monna yole ga ke mo tshepe. Phika o ka re o re tletse le mmolai.
ntlhake: Le rraago o ne a tshoga fela jalo. (Ka matlhagatlhaga) Ya re haauu. Ya tlola e ntotile legano le lehibidu e le atlhamisitse le le kana... E rile e le mo moweng e atlhame jalo, ka tsenya lebogo la me mo ganong la yona... la ya go tswela ka kwa morago, ka e tshwara ka mogatla, ka o goga, wa be wa tswa ka molomo wa yona ka e tlhanolola. (Basimane ba a tshega) Ya nna bofelo jwa yona...
Mathule: Go siame mma. (Boipelo o ema mo setulong) Ee! selo sa bofelo, fa o ka batla madi, nteletse mogala ke tla siamisa tsotlhe, itse gore ke tla tlhokomela dithoto tsa gago malatsi otlhe. O tsamaye sentle mma.
MMaseako: (O hutsafetse) Ke gore lo emetse gore lo bone gore mogatsake o swa jang, lo bo lo itsamaela. Ke lona ba lo batlang gore Killer a mmolaye.
MoRatwe: Sajene, motlhaope o ka nthusa. O se ka wa re ke sunya nko ya me mo mererong e e seng ya me. Ke utlwile Boipelo le Motswedi ba bua ka fa ba bolaileng rre Ramarumo ka teng. Kgang e e ntshwentse thata mo ke boneng gore ke lo itsise.
tau: Fa go kgonega ke tla go thusa, ke reeditse.
MMalaBadi: (O nyemile mooko) Batho ba ile. Phika o tshositse batho.
ntlhake: (Ka boitumelo) Ijojojooo baiki e ntle ya sejone, tlisa fa ke itekanye.
nakedi: O isa kae kao eo Tshepo Go tswa leng Thokwana a kaiwa fa a gamiwa?
3.8 Go ya ka wena goreng Ramarumo a ne a fetola diteng tsa tshupaboswa jaaka a dirile?
Bosalala: E seng gore o ne a tswetse kwa ntle, a tlhaselwa ke motho, a kgona go tshabela mo ntlong, mme a swela teng?
Moswinini: Owaii! A ga se ena motho wa dipurapura Bona ba ithaya ba re thuto ke madi. Ntlhang o gaisiwa ke batho ba le bantsi ntswa ena a rutegile?
Batho: (Ka go goa) Bua setlaela ke wena sa molotsana re go utlwe!
kgosi: Bafokeng! Ke ne ke...
Ranko: (Ka go fela pelo) Mokgadi mogatsaka, tlaa re tswe mo mothong yo. O tla utlwa molao wa manong. Bana ba gompieno ba ikepela mamena. O bone morago o se ka wa lelela kgama le mogogoro, metsi a tla bo a tšhele o a lebile. Nna ke a tsamaya.
Batho: (Ka selelo se segolo) Ijoo re tla tshabela kae Bonang fela ka moo re felang ka teng?
feke: Bosalala ga a tsamae a ise a mphe madi a boranti. Le wena Rantleru!
Poloto: Tatelano ya ditiragalo di na le mabaka a a di tlholang.
Modise: (Ka boitumelo) Ke goditse papa, mama.
phofu: Tlela motho yo seipone yo a ipone gore a o ne a tshwanetse go tsena fa ke re go tsene ba bantle fela...
O ne a re Kgomotso a boele kwa ga gagwe.
MonnaMogolo: (Ka bosilo) Mmakgosi mmakgosi! Mmakgosi ya rona ke Morwesi, mmaagwe Sankatane. Didimala o dule fa fatshe legodu ke wena.
nakedi: O fodile o mo fileng rra?
Setlhoa: Maphata a mabedi a eme ka dinao. Go sisibetse. Badiragatsi ba laolwa ke maikutlo.
Bosalala: O tshosiwa ke eng O nyale o tle o tlogele go gakgamalela mathata a banna ba bangwe. Botagwa jo ke jona bo dirileng gore o palelwe ke bopodisi. jaanong o bona gore o itire lepodisi la..?
tshepo: (Ka letshogo) Rremogolo Rremogolo...
tshepo: (O bua ka lentswe la go tshosa) Khu tse... pe!
MMakgoMotso: Ija! Tlhalosetsa rraago gore go diragetseng ngwanaka, kana ke a bo ke sa tshwanela go bua.
thipe: O a ba baakanya rre Ntlhake Nakedi, a lo a be lo teelela rre Ntlhake gape...
Nnuku o boela gae a feta a bolaya Mmemme.
MoRwesi: E rile e sena go ja batho le diphologolo tsotlhe ya ya go robala. Ke ele e robetse fa tlase fale!
MoRwesi: (O a rapela) Bona e ntshitse leleme e tla go goga ka lone Sankatane!
seako: Borra, tshwetso ya bofelo ke ya lona. Nna Seako, ke ya go nna ke itemela mmopo. Le tshimo ya me, ga ke e kgomagantshe le ya motho.
seako: Raditerekere, o itshema eng?
MMakgoMotso: O a re mosetsana?
Tharaano: Kgotlhang e a gagamala/go raraanela pele/ go a thatafala.
MMaseako: Rraabo, tlhang malatsi a o ka re o a fetoga?
MMakgoMotso: O ne a leka go go gakolola gore se se ka tsogang se diragala ka moso kana mo nakong e e tlang, ga o se itse ngwanaka.
seako: Le wena fa o sa rate go fetoga motlholagadi ka nako e e sa tshwanelang, o tla diragatsa ditaelo tsa me.
phika: Ke go re lo ntse lo tsena dikopano, mme nna, jaaka molemikalona, ga lo nke lo mpitsa.
3.12 Boipelo o ne a ithuta eng ka katlholo e a e boneng?
lepodisi: Ruri dilo di a diragala kgarebe eo ke mang Le gone e nna kae?
Modise: E bile o kobile le batho ba ba neng ba kotula.
nakedi: Molato ke eng rremogolo Go botlhoko fa kae?
MMalaBadi: O tsamaya o bolelela batho gore nna ke go file tshimo ya me gore o jale koronnyana ya gago?
Mathule le Tau ba na le pelaelo ya gore loso lwa ga Ramarumo lo rulagantswe.
phika: (Ka phuthologo) Se tshoge tsala. Ke dikgang tse di monate. Monongwaga re ile go tlhakantsha masimo, e bile...
Nka se ke ka ntshiwa ke ditshotlo le ditshego tsa gagwe mo ntlong ya me.
Bosalala: Se ke sa se itseng ke gore e re ke swetswe ke moeng, o be o sa lele le nna. Ga ke itse gore a kgotsa o belaela e le nna ke bolaileng motho yo.
MMakgoMotso: O! o a bo o ntlela ka dife tota molato?
ntlhake: Ke a belaela, matlho a me a bona e kete go a kunyakunya.
<fn>Random.DPS9780798673655T.txt</fn>
Ba tshwenyega gore a o ka ne a gobetse thata.
MaLebye: Re a leboga mogatsaaka. Le ka moso fa re tla a bo re setse re le babedi, o itse gore ke tshwanetse go ja.
Ba diragatsa ka bobona.
2.11 Go tlhapa diatla, ke go intsha mo kgannye/go ikgogela morago mo go se se buiwang/dirwang.
NkitsiNg: Rra, re a batla, re timeletswe ke motho, ga re itse gore ka gongwe a ka tswa a le fano.
Mo go buiseng, baithuti ba leke go tlhaloganya mafoko le kgang yotlhe ka kakaretso. Ba latele ditiragalo sentle, ba bone mabaka a a di tlholang.
MoNyaNa:(O bua a emeletse) Mma, a re tsamaye.
NNaNiki: Mm! Ke a go utlwa. A o na le leano?
NobutLhe: Monna ke selepe...
NobutLhe:(O bua a itumetse) Tsenang mo ntlong. Ga re a tshwanela go ema fa ntle e kete O tloga o bona digaretene di tshikhinyega.
MaNaiLa: Rra! (O buela kwa tlase) "I am a married man". Ke kamoo ke ka se keng ka tsena ka dinao tse pedi kwa ga gabo Mphodi. Ke loma ke fodisa.
Legae: Ga o na matlho. Leina le, ga o le bone?
MMatšhatšhi: Re ka se ka ra kgona ka gore madi a ya go neelwa Raesebo. Raesebo o ya go nna mohumi. Beke e e tlang, o tla bo a emisitse ntlo ka madi a ngwanake.
Motlhalerwa: ke bomorafe jwa motho go ya ka se a se anang.
sebeka: La re go diragetse eng?
NobutLhe:(O a seba) Motho yo ke yang go tla le ene, o raya gore a ka se go kgoreletse?
1.1 Mmui o kaya eng ka "e sale o nkemisa ke".
Ya bobedi: "Batho ga ba tshwane" Mo terameng e, go sa tshwane ga batho ke gona go bakang bothata.
3.9 Tlhagisa maikutlo a gago ka ga kakanyo ya polelo ya bobedi ya mmuisano 4.
MaNaiLa: Rra, fa re ka ya kgakajana le matlo, re tla bolawa ke batho.
raesebo: Rra, re feditse. Re tlhophile khasekete e.
Legae: Pampiri ke e, leina la gago ke le.
2.2 Mmuisano wa ga Dikobe, Mafenya le Ntope.
Leina le le yang boreelelong.
1.12 Ga ke dumelane le tlhagiso e. Moswi o na le kwa ga gagwe kwa a ka tswelang teng. Fa bothata bo le teng a ka mpa a tswela kwa bogadi jwa gagwe.O nyetswe. Fa ba bogadi e le bona ba kopang thuso, ba ka thusiwa, e seng go gapeletswa go dira se ba sa se batleng.
Legae: Ke ntse ke sa itse fa o nale tlhaloganyo. Tse o di buang, ke tsa monna a kile a laya ngwetsi. Re setse re le babedi, re tshwanetse go ikaga. O rre, le nna ke rrago. (Go tsena Tlhapi) Mogatsaaka, bitsa Nkitsing foo, o tle le ene. Ke tshwanetse go bega kgang e, e se ka ya re ka moso ya mpalela.
Ntope: Bakwena, ke lebogetse maoto a lona. Go a bonala gore ke dira le batho. Le badirammogo mo monateng le mo botlhokong. Ke a le leboga.
Re tla le bona ka moso.
Kgatelopele Ntlha ya kgatelopele e lebile go nonotsha baithuti go tswa mo go se ba se itseng, le se ba se kgonang ka go ba rutela pele go ba okeletsa kitso ya botshelo, mo maemong a a farologaneng ka tiriso ya diteramakhutshwe tsa Matsapa di a tsaya kae?
MoreMi: (O gakgametse) Ba lelela eng?
Pono ya bone Fa dikolo di tswalwa mo kgweding ya Sedimonthole, Nomalanga a ya gae.
MMatšhatšhi: Tshenye ngwanaka, re letseditse kwa seteišeneng sa maphodisa sa Mabopane go simolola beke e e fetileng. Ba rile o ile kwa molelwaneng wa Zimbabwe. Kwa molelwaneng koo, ba rile le mo nageng fela.
Elias Doctor Lekeba.
Mosadi wa bobedi: O kile wa se bona kae monna a godisitse ngwana, fa ngwana a tswelwa ke bogadi go be go twe ngwana ga se wa gagwe?
NoMaLaNga: Rra, o tla intshwarela. Fa e le mooki ene...
1.7 Mmui wa mmuisano wa 5. ene ke mang?
Dikobe o tshwenyegela letsogo le le kwalang fa le gobetse.
MMatšhatšhi:(O a gakala) Phoso! Ke phoso ya eng?
NoMaLaNga: Rona bathusi, re a kopana ka dinako tse dingwe.
MoNyaNa: Khasekete e ntle ke e. Mmala o bontsho bo tlhakaneng le bosetlha, o montle.
Sara: Go siame. O itlhokomele.
NobutLhe: Motho yo le mmatlang o tshwanetse go tlhokomela ngwana wa dingwaga di le tharo fela. Ba bangwe ba ba setseng, ba tla itlhokomela.
MoNyaNa: Kgabele e ne e le mooki. Re tshwanetse go tlhopha lekase le le ka se keng la re tlhabisa kgala.
MaLebye: Ke kgang efe e o tlang ka yona?
Teramakhutshwe e na le diponagalo tse e leng tsa yona tse di e tlhaolang mo makaleng a mangwe a a kailweng fa godimo. E tshwanetse ya nna khutshwane. Leba diponagalo tse di latelang mme o di batle mo terameng ya Matsapa di a tsaya kae?
Go gana tiro ga gagwe, ka mabaka a a a beileng ga go dire tlhaloganyo.
Morero/thitokgang: Modi wa kgang. Se kgang e ikaegileng ka sona.
raMoopaMpa: Ke rileng mo go wena?
Boulton, M. 1960. The anatomy of drama. The Hague: Mouton.
Legae: Ke tlile jaana mo go wena gore o nkutlwisise sentle. Tlhogo e ya me e, e tobekane, e a duma, o ka re go ne go siane lebelo la dikoloi tsa Khayalami mo go yona.
koNti: Ngwana yo o mmonang yo, ke ngwanake, o lomilwe ke ntšwa ya gago mo maragong.
MMatšhatšhi: Kana o sale o nkemisa ka ke ao. O adimile ngwana, ga o a mo tsaya ka semolao.
sajeNe MpoNiNi: Dikgang ke tsona tseo. Ntshidi ga a tlhola a tshela, o tlogetse lefatshe le le ka kwano. O rakane le loso lwa gagwe kwa De Aar.
1.1 Tlhalosa ka dintlha di le someamabedi (20) se se diragetseng morago ga Legae a amogela lekwalo go tswa go "Matsukas" go fitlha Malebye a re: "Motho yo ke neng ke mo tshepile, o ile!"
MafeNya: Morwarre, naare o setse o lemogile gore mmabontle wa rona o setse a fetogile!
NkeLe: Mmatšhatšhi nkgonne, ga se keletso ya me go ka seka setopo. Fa e le kgomo yona, ke ka e seka. Ga ke go kolote, ke go duetse bogadi botlhe. Ka jalo, setopo se, se mo diatleng tsa me.
MoreMi: Ao! Le a kopana?
puLe: Ema pele. O se ka wa itlhaganela tlhe!
MatLhare: Motho yo o itumeletseng kgorogo ya gago ke nna.
NoMaLaNga: (O bua a tlhapile sefatlhego) Ke utlwile rre fano a re o mooki, a go jalo?
NoMaLaNga: Batho ba ba thusang baoki ba a lela.
Diteramakhutshwe: Diterama tsa kgaolo e le nngwe.
wa Morwa: (A ntsha thipa e telele, a e lelemetsa mo sefubeng sa ga Ntshidi. Fa Ntshidi a tsikitlela, mosetsana wa Morwa a bo a mo phuruphutsha dikgetsana, a bo a mo tseela sepatšhe se se nang le madi le dilwana tse dingwe tsa gagwe.) "Ek is baie bly want ek het die geld gekry."
NoMaLaNga: Ke a go utlwa rra. Ga ke ise ke bone go tlhokafala gore ke ye gae. Ke tla ya gae mo kgweding ya Sedimonthole.
sara: Di ne di bona eng?
sara:(O buela kwa tlase) Ke mang masigo jaana?
sara: Metlholotlholo e re e bonang fa, e ntsitsibanya mmele. Tsatsi lengwe, e tla re re tsoga, re fitlhele motho a swetse mo segotlong sa rona.
dikobe: Ka moso o tla a bo o lela, o le lefetwa. O tla gopola Mafenya a setse a iponetse yo mongwe. Masego a batho ga a tshwane. Ka gongwe o tlogela lesego le, ga o kitla o bona le lengwe gape.
tLhapi: O ka re re ka mo fitlhela kwa bookelong. Fa a seyo, ke kgolegelo le mmotšhari. Dilo tse pedi tse, ga ke di rate. (Ba goroga kwa bookelong. Ba a mmatla, ga ba mmone) Re iteile sefolletse, re tshwanetse go ya kwa Sun City. (Ba ya kwa teng, le kwa teng ga go sepe. Ba fetela kwa mmotšharing wa ga Goromente.
MatLhare: Rre Moremi, ke eng o bona ke tshwaragane le phage ka dingana, o sa nthuse?
sepoNoNo: (O a goa) Ijoo! E ntomile !
Legae: Ke raya gore ka gongwe Tlhapi o ya go intatola jaaka a setse a dirile jaana.
NkitsiNg: Abuti, re a tlhaloganya gore o mo maemong afe. Busa mowa, tlogela go ratharatha ka pelo.
Ntope: Letsogo le, ke lona le le botlhoko ka gore e bile ba le tsentse samente, o a le bona. Ka kakaretso ke ikutlwa sentle.
MafeNya: (O gakgametse) Ke kgang ya eng?
NkeLe: Mmaago ke yono. A re o go neela taolo ya setopo sa ga mogatso.
Bolela ditlhogo tsa teramakhutswe tse di mo bukeng e, Matsapa di a tsaya kae?
raesebo: Nnyaa mma, ga go jalo. Mogatsaake o ya go tswela kwa matikiring a gagwe. Nna le ene, re ntse re nna kwa setsheng sa rona. Re na le dikgwedi di le kana re nna kwa teng.
NNaNiki: O tlhotse jang gompieno?
2.7 Ke kwa bookelong. Bookelo jwa Chris Hani Baragwanath.
3.1 Kgotlhang ke e nngwe ya diponagalo tsa terama?
dikobe: Ee, ke ne ke go tshaba, fela o teng yo o sa go tshabeng. O teng yo o sa boneng boroko ka ntlha ya gago. Yo 'rato la gagwe le phophomang lefulo jaaka bojalwa bo bedisitswe ke mosadi tota.
O gana Mafenya e bile Mafenya o kopa thuso mo go Dikobe go mmuelela.
MafeNya: Mmabatho Mmabatho ga ke e rate. Re ya go simolola re duela dirente. Ke lemoga gore mo motseng mo, go siame. Re ka ikagela ntlo e re e batlang. Kgotsa o na le lebaka la gore re ye koo?
sepoNoNo: (O konne tlhogo, o bua ka pelo) Dilo ke di itirile. Rre yo, o bua nnete. Ke ne ke sa itse fa a re bone.
MatLhare: Tsela tshweu Bakwena. Tsamayang ka pula.
tsheko: O ne a bua le mosetsana yole wa Morwa. Go tloga foo, re ne ra bona a sa tle. Re mo fitlhetse fano.
Lemorago: Maitshetlego/tikologo le nako ya ditiragalo.
MMaMoreMi: Ke itumela fa le ntliseditse tsala e e tla nntshang bodutu. Go fetile dikgwedi di le thataro Nomalanga a le mo Diepkloof Ext.
MMaMoreMi: Ngwana yo, ga re itse kwa ga gabo, mme fela botho ba gagwe ke ba ngwana a godiseditswe ka fa tlase ga ntlo e e nang le molao.
Go lemosa baithuti botlhokwa jwa maduo a a abelwang dipotso mabapi le tekanyetso ya boleele jwa dikarabo gore palo ya maduo le boleele jwa karabo di tsamaisane.
MokhoNto: Kwa White City.
tLhapi: Kwa Perekwane, re ye go mmatla. Ka gongwe o tlhagetswe ke kotsi. Fa a seyo, re tla ya kwa toronkong ya Sun City go mo tlhola kwa teng. Go ka nna ga diragala gore a iphitlhele a le mokgolegelong.
NoMaLaNga: Mm! Gompieno.
dikobe: O tla lela dikeledi mo pelong. Bofetwa bo tla bo bo mo kukile ka diatla tsoopedi.
Dijo: O rata nama e khibidu, e e gadikilweng sentle, mateng, merogo le maungo. Ga a rate salate le jusi e e tlhapholwang ka metsi gonne e a mo gana. Go hupa gona ga a leke, le go goga ga a goge.
MaNaiLa: Rra, ke tlotla mmaagwe Mphodi. Kana Mphodi o sa ntse a tsena sekolo.
raMoopaMpa:(O gakgametse) Ke eng e kete o tshogile?
MoreMi: Batho ga ba tshwane. Ka nako nngwe o ka nna le motho yo o tshepagalang.
MMauwaNe: Ke nnete e e se nang bana ba phefo.
Ntshidi o ne a ntse a sa bolelela bagolo.
MafeNya: (O bua a tshwenyegile) Jaanong monna, ke dire eng?
MMauwaNe: Mo ise kwa Perekwane. O be o duele ditshenyegelo tsa gore ntšwa ya gago e ntometse ngwana.
raMoopaMpa: Mpolelele gore o robaletseng mo segotlong sa me!
MMatšhatšhi: Ngwanaka, re paletswe. Madi a re dule mo dinaleng re a lebile.
MoreMi:(O tsamaya a ntse a bua le Nomalanga.) Jaanong, go tloga fano o gopola go dirang?
tLhapi: Ke ene. Sefatlhego sa gagwe se na le mesego, ke ka moo re neng re sa mmone.
dikobe: O mo lekile makgetlo a le makae?
Ntshidi: Le bone kae gore ke falotse?
Ntope: Ke yo o mo bolaong jo bo fa morago ga ba me.
MobutLhe: Nnyaa, ke a utlwa.
Bakwena, ikolobetseng legano.
Kagosešwa: Tlhabololo le tokafatso ya se se neng se le kwa morago kgotsa se le seemotlase.
2.6 Go kaya gore ke mosetsana yo montle.
Setlhoa: Kgato ya poloto ya terama e mo go yona badiragatsi ba laolwang ke maikutlo/Tshisibalo.
Lenaneo la diteng tsa setlhangwa -Matsapa di a tsaya kae?
o senola kamano ya badiragatsi?
MoNyaNa: Ga le pila, ga ke rate bohibidu bo.
MMatšhatšhi: Ba gana ngwanake a tla go bolokelwa fa.
3.6 Ke kotsi efe e e kaiwang mo mmuisanong wa 1?
NobutLhe: Yo ke mo itseng ke ngwana wa ga rakgadi. O nna kwa Swatsing. O setse a fetile dingwaga di le masome a le mabedi le metso e le metlhano.
Selekanyo sa karabo.
MotšhaNkaNe:(O bua a gakgametse) Ba le opisitse tlhogo A go na le molato?
NoMaLaNga: Ga ke itse Setswana sentle gonne ke se Motswana, fela ke a leka go se bua. Ke kopane le Batswana kwa Komatipoort.
O ka bo a ne a amogela tiro a thusa mooki a tla a bona gore a mooki o tla mo tshola makgwakgwa.
NkitsiNg: (O bula setswalo) Ke wena! Ke ntse ke gateletswe ke boroko. Ke lora batho ba le bantsi ba le fa gae fa. Fa ke ntse ke lebeletse, ka bona banna ba kukile lekase. Ke thanya fa o kokota.
Mpho: (O bua ka pelo) Monna yo, ka go sasanka masigo! (O a notlolola) Tsena!
sajeNe MpoNiNi: Maphodisa a kwa De Aar, a ne a go letseditse mogala, a go jalo?
MosetsaNa wa Morwa: "Jy pla my." "Ek weet nie."
MoreMi: Lebaka e le la eng?
MaLebye: Ga ke go tlhaloganye abuti.
raMoopaMpa: Jaanong rra le mma, le batla ke le direlang?
raMoopaMpa:(O a mo tshega) Nna mo lefatsheng mo, ke tletse go ja. Ga ke batle gore tsatsi le ke tsamayang, ke gadime kwa morago.
dikobe: Ke nna! Ke bone gore ke tle go go bona pele kopadilalelo a re jela.
tLhapi:(O a tshega) E ka re o kopile boroko, wa bo o batla go senyetsa Metsing O batla go ipona o kojwa tadi e amusa?
tLhapi: Ke dumelelana le wena, rra. Go letlhogonolo rona re sa ntseng re na le ngwana yo o re reetsang. Bana ba le bantsi ba matsatsi a, ba medile dinaka mo tlhogong. Ba gana go reetsa batsadi.
MosiMe: Ke setse ke gorogile.
MoreMi: O se ka wa ela ruri. Fa o na le sebakanyana, o nne o re etela. Go monate go kopana, go botlhoko go kgaogana. (Thekisi e setse e tloga) A ba dumele kwa gae.
Ditiragalo tsa terama di diragalela mo lemoragong le le agilweng ke moterama. O le aga gore le tsamaelane le ditiragalo. Lemorago la ditiragalo le arolwa ka dikarolo tse di latelang: Tikologo (motse, dithaba, dinoka jj.) Motlha/nako (Mariga, bosigo, ura ya bobedi jj.) Ditiragalo tse dingwe.
setLhoNtLhoro: Ke mang?
NNaNiki: Re tlile go kopa thuso mo go wena.
tLhapi: Ee, go jalo.
tLhapi: Le fa o ka bua, bogadi bo tshwanetse go tsewa ke ntate.
raMoopaMpa: Nna ga o ntlotle, ke kamoo o emisang koloi fa pele ga ntlo ya me.
tsheko: Ke ene yo.
raMoopaMpa: Ke eng le sa ye go iketla kwa nageng kwa ka gore le mo koloing?
NoMaLaNga: Pelo ya me e botlhoko! Fa tsala ya me e iketse jaanong re dira jang?
MMatšhatšhi: (O bua a phutholotse mowa) Mmaetsho re boile mo tseleng jaaka go twe motswagae ga a laele. Re bone go tlhokega thata go go latsa ka lefoko.
MaLebye: Modiri ga se moji. Badiri ba le bantsi ba ke ba itseng, ga ba a ke ba roba se ba se jetseng. Bangwe ba bone maungo a bona a jewa ba a lebile. Bangwe ba a tlogetse. a sala a senngwa ke batho fela, ba sa a utlwele botlhoko. Ke botshelo. Bo jalo.
Legae: O tlile go akola. O letlhogonolo go nna le mosadi yo o itseng gore o tshwanetse go ja. Banna ba bangwe ba tlhaga ba jetse ruri fa ba tswa kwa tirong.
raMoopaMpa: O nna fa?
dikobe: Mogolole, ke tsamaile. (O kgwa mowa) Ga ke itse gore ke tla simolola kae.
Morwadi: O se ka wa mpolaya tlhe monna, ke motho yo montsho jaaka wena.
setLhoNtLhoro: La re ke mang?
Legae: Pelo ya me e botlhoko, e botlhoko ba ntho.
MatLhodi: Ga twe maloba ba ne ba ile kwa ga gabo mosadi. Kwa teng e ne e le tsheko e tona. Lorato mo ntlong ya ga Ntope, lo fedile.
dikobe: Kgaitsadiaka, o se ka wa bua jalo ka mothaka yoo, o itse gore le nna ke monna.
NkeLe: Go fela jalo ngwanaka. Mme Mmatšhatšhi ke yono, a re o batla ngwana wa gagwe a tswela kwa ga gabo.
dikobe: Ntope monna, re go bone, re lela le wena.
koNti: Rra, nna ke go utlwa sentle.
sajeNe MpoNiNi: Mma, ke a go bona gore o mo selelong. Ke tlisitse molaetsa o o tswang kwa maphodiseng a mangwe.
2.11 Tlhalosa leele 'go tlhapa diatla.'
dikobe: (O mo tshwara ka seatla) Ke ipuela fela. O se ka wa di isa tlhogong. Fa re le mo tirong mo, re bana ba motho. Re tshwanetse go thusana. Bothata ba gago ke bofe?
Legae: Ntho e e mo pelong ya me, e ntse e tutela motsotso le motsotso. Ga ke itse gore ngwaga o, ke tla bona bokhutlo ba ona. Ga ke itse gore go tloga fano, ke tsaya tsela efe. Fa ke lebelela fa pele ga me, ke bona mafaratlhatlha a ditsela. Tse dingwe di lebile botlhaba, borwa, bophirima, godimo le tlase.
setLhoNtLhoro: Tsenang ka foo le mmatleng.
raMoopaMpa: Salang sentle. (O a tswa) Ke ile. (Fa morago ga beke, Ramoopampa o bona Mokhonto mo Porotiya a tshwaragane ka matsogo le mosadi wa monna yo mongwe. Ramoopampa o bua ka pelo) Mothaka yo, go raya gore o ne a sa bue nnete fa a re o ne a tlhaselwa ke dinokwane. E rile a utlwa gore mong wa ntlo o tsene, a betsega ka letlhabaphefo a ba a lebala gore ga a apara. Ke mo thusitse, beke e setse e fetile a sa buse terekesutu ya me. Tsatsi lengwe e tla a re a tla a tshaba, ke tla mo latlhela diatla.
dikobe: Ke tla go bona. Ke sa ya kwa banneng. O se ka wa naganela fano, o naganele kwa pele. Mongwe le mongwe o gopola ka bokamoso ba gagwe.
3.2 Poloto ya terama e tsamaya ka dikgato. Kwala dikgato di le tlhano tsa poloto ya terama mme o bolele gore go diragala eng mo kgatong e nngwe le e nngwe.
Tlhogo ya ga Legae e ne e tobekane, e duma, fa a bolela.
Ya boraro: "Sekoropolapa." Go tla jang gore batho ba ba ntseng sentle fela, ba bidiwe dikoropolapa Go raya gore bothata bo teng. Bo fa kae?
2.7 Perekwane ke kwa kae?
Mpho: (O gakgamalela gore mogatse go rileng a apere diaparo tse a sa di itseng) Ke eng?
1.6 Kgabele ke mang mo terameng e?
Legae: Ke rile ke a rata, ke tla leka. Botshelo, mathata. Lenyalo lona, ga ke bue.
MafeNya: Go botlhoko fa kae?
Tomagano le bokgoni jo bo dirisiwang. Seno se kaya tomagano ya kitso le bokgoni go kgonisa baithuti go tlhaloganya diteramakhutshwe le bokgoni jwa go ka di sekaseka ka nepagalo.
MafeNya : Morutabana yo o ratang Nkefi.
terama e mo go yona ditiragalo e mabapi le gore se tla dirwa jang.
puLe: Ntšwa ke eo! Ba a tshaba.
MoreMi: Ausi Nomalanga, re tlile mo go wena.
NoMaLaNga: Mong wa tiro eo, o dira kae?
Go letsatsi la Lamatlhatso. Nomalanga o boela gae.
Legae: Ntshidi o tshwanetse go tswelwa ke bogadi.
raMoopaMpa: Ntšwa E mo loma leng?
MosiMe: Kgabele, o ne a na le dingwaga di le kae?
Legae: Mmaagwe mosetsana, ngwana ke yoo, o falotse. Re tshwanetse go mo isa yunibesithing. Boswa ba gompieno ke thuto. Ngwana yo o ganang thuto, o tla ja a thaka tsa gagwe.
MoNyaNa: (O bua a tsena Nkele mo leganong) Nnake ga a tswa kwa gae ka lesira. Ga a direlwa moletlo wa gore o tswa kwa gae. Ka jalo, ke...
raMoopaMpa: Di a bo di bogola eng E re ke ye go tlhola. Batho bangwe ba sule dipelo, ba ka leka go ntseela sejanaga ke itshokolela jaana. (O tswela kwa ntle, o gakgamala go bona motho a le mo jarateng ya gagwe a sa apara. O bua ka pelo) Ke tlhola ke utlwa go twe go na le baloi, fa e le gompieno gona, ke mmone. (O atamela motho yoo) A o motho?
MaLebye: Re a leboga ngwetsi ya Batlhalerwa.
MotšhaNkaNe: Kgabele o tswetswe ke bogadi. Bogadi ba teng, bo amogetswe ke nna. Bo dule botlhe, ga ba nkolote. Kgabele le fa a sa tswa fano ka lesira, o nna kwa ga gagwe. Ga a tshwanela go tswela kwa ga mmatsalaagwe. O feditse ngwaga a nna kwa ga mmatsalaagwe. Fa e ne e le gore o sa ntse a nna kwa ga mmatsalaagwe, o ne a tla tswela kwa teng. Re ka iphitlhela re le mo kotsing e e seng kana ka sepe ka moso. Kgabele ga a sa tlhole e le ngwana wa rona, o fetotse sefane.
Dikobe o mo tseleng go ya go mo lekola.
MatLhodi : Mosadi wa ga Mafenya.
NkeLe: Lefoko Tswaya ka tsona?
NkitsiNg: Dikgang ke tsa batho ba le babedi. Wa boraro ke mosenyi. Dikgang tsa lona, ga re itse gore re ka di simolola fa kae. Rotlhe re a ipotsa gore fa ausi a sala a tla dumelelana le rraagwe ka bogadi ba ngwana e le wa gago, go ne go diregileng. Rotlhe re dipaki tsa gore ngwana o mo godisitse, o mo tsentse sekolo. Tota re itumetse thata ka gore e bile Ntshidi o a fetsa monongwaga.
Crow, B. 1983. studying drama.
3.7 Naya tshwaelo ya gago mabapi le kakanyo mmuisano wa 3.
Phogwana: Karolo e e fa bogareng jwa tlhogo.
Legae: (O bua a le esi) Ke tla tlhola fano. Fa ke ka ya kwa ga rratsalaake, go ya go bogela morwadiaka a tswelwa ke bogadi, pelo ya me ga e kitla e ntetla. Ke ya go lebega ke se monna wa sepe. Matsukas, malomaagwe mosimane, ke tla mo lebelela jang Batho ba ba nkitsing ba tla ntilola jang Ke feditse le maikutlo a me, mosadi yo, ke a mo tlogela. Phaposi e ke e thapileng e, ke a e tlogela fa kgwedi e fela. Mongwe le mongwe o tla boela kwa ga gabo. Ene o tla boela kwa go rraagwe. (Mongwe o a kokota) Ke mang?
Go nna mosupatsela go baithuti fa ba dira tiro ya tshekatsheko ka bobona, ba buisa ba bo ba tlhaloganya dipotso mmogo le go araba ntle le go sutlha sekgwa.
MoNyaNa: Ga re a palelwa. Re tshwanetse go senya madi a inšorense gore Nkele le morwaagwe ba se ke ba sala ka sepe.
2.6 Leina Seponono le tlhalosa eng ka ga tshobotsi ya modiragatsi yo o kaiwang mo mmuisanong wa 2?
NoMaLaNga: Go dikologa nnete o ntse o e bona ga go monate. Go senya nako.
Lephodisa sebeka: (O bitsa koloi ya baswi go tla go tsaya Ntshidi fa mosetsana wa Morwa a tseelwa kwa kgokgelong. Mmaagwe Ntshidi o letsetswa mogala) Ke kopa go ka bua le mme Tlhapi.
dikobe: Tsotlhe tseo, kwa ntle ga lorato lwa mokapelo, ga se sepe.
MafeNya: Tsala ya gago Nkefi. O ne a gopola gore bontle ba gagwe bo ka se fele! Ga se monna yo o tsofatsang. Ke yole o setse a tsofetse a ntse a se na monna. Bontle bo ile, bo tserwe ke phafana.
MafeNya: Re tshwanetse go simolola mo kgweding e e tlang. Madi a re nang le ona, a ka kgona go re agela ntlo.
tsheNye: (O ntse a lela) Ijoo! Ijoo! Bathong wee!
NoMaLaNga: Baoki ga ba a ba tshwara sentle. Ba ba tsosa masigo. Fa ba dira bosigo, dipelo tsa bona di nna botlhoko. Ba gopola gore banna ba setse le bathusi.
NNaNiki: Moremi o na le boitshwaro. Ga ke gopole fa a ka tswa pelo. Ke tla leka go mo itumedisa thata gore a se ka a ba a gopola...
MokhoNto: (O tsena a setswe morago ke Ramoopampa) Mmaetsho!
NkeLe: Mmatsalaago ke yono, a re o batla setopo.
MoreMi: Beke e e tlang dikolo di a tswalwa. Re bona gore le wena re go neele matsatsinyana a boikhutso o ye go ba bona kwa gae.
raesebo: Kana le itshwenya fela. Nna ke bua ka dipampiri. Ke tshotse setifikeiti.
raesebo: Bomma, kgang ke eo, ga le a e utlwa ka tsa ga Morakile.
2.3 Tlhalosa karolo ya bobedi e e thaletsweng.
raMoopaMpa: Letsatsi le setse le dikela. Ke tshwanetse go di bofolola.
raMoopaMpa: A ke ka le thusa?
raMoopaMpa: Ee, le reng le tsamaya masigo jaana?
Legae: Kgaitsadiaka. Botshelo ke tsela e e motsopodia. Tsela e, e tsamaya e tswapatswapela mo dikgweng le mo dikakeng. E tsamaya e tlhatloga e ba e fologa mekonyana.
Nkefi ga a tlhole a bonwa ke monna ope.
tLhapi: Nnyaa, ga re a mmona.
Mametlelelo e, e rulagenyeditswe go nolofaletsa Baithuti le barutabana ba kereiti ya 12 tshekatsheko ya diteramakhutshwe tse, le go ipaakanyetsa tlhatlhobo ya Pampiri ya Bobedi ya Setswana mo kereiting e.
Metshameko: O tshamekile karate ya Kiyokoshinkai. Kgwele ya dinao yona ga a ya kgakala le yona. Ke tokololo ya Rand Athletic Club o siana dimmarathone. O rata thata lebelo la City to City la 50km go tloga Johannesburg go fitlha Tshwane. O imelwa ke la dikilomitara di le 32 la "Milo tough one" gonne tsela ya teng e tlhatloga dithaba. O siana mabelo a dibaisekele a magareng ga Johannesburg le Durban. Ona a tsenelwa le ke dikolo. Dikolo tseo ke Moletsane High, Pace College le Torah Accademy.
Ntshidi: Batsadi ba ba tshwanang le lona ba a tlhokwa. Batsadi ba bangwe ga ba na sepe le thuto ya bana ba bona. Lona lo nkeme nokeng ka dinako tsotlhe.
NkitsiNg: Nna le mogatsaaka, re utlwile botlhoko thata ka ntlha ya tiragalo e. Re bone go re tshwanela gore re se ka ra ya kwa bogading ka ntlha ya fa le wena o tla a bo o se teng kwa teng. Re ne re ya ka wena kwa teng. Abuti!
Letsatsi morago ga bogadi, Legae a tsogelela tirong fela a se ka a boa.
1.9 O tshwanetse go bua fela mafoko a e seng a lonyatso o gakologelwa gore o bua le motho a le mogolo mo go wena.
MaNaiLa:(O fologa sejanaga, o ya kwa go Ramoopampa) Rra, ke go leofetse.
MMatšhatšhi: O ne a tshwanetse. Go utlwela ka ga loso lwa ga morwarraago letsatsi pele ga phitlho, go botlhoko.
MafeNya: O se ka wa a gata thata. Le rona re tloga re felelela mo nageng e e lefifi e.
Kgolo le bosimane: O goletse mo lelapeng la ga rraagwemogolo, Molemi, mo motseng wa Tweelaagte. Ene le Feile, morwa wa ga Rre Molemi ba ne ba disa di mmoulo. Go ne gape go ruilwe ditonki le dipodi, bommakotswana le bommalebekere. Nngwe ya ditonki tse e kile ya mo raga. Ba ne ba disa mo dithabeng tsa kwa Bapong, ba bogisiwa ke basimane ba koo kwa madisong, ba rwalela kwa morago ga thaba ya Ratumuga, ba ja moretologa, mmilo jj.
MaLebye: Abuti, o mpolelela botlhodi. Mo hisitoring ya Batswana, ga ke ise ke utlwe metlholo e o e mpolelelang eo.
Tlhapi, mogatsa Legae a re bogadi bo tswele kwa Mitolente mme bo tsewe ke rraagwe.
MoreMi: Ke simolola go bona motho yo o buang puo pha! jaaka wena jaana.
NoMaLaNga: (O a tshegatshega) Ba re nna ke fa gae. Ba eletsa go thusa barutabana.
MosiMe: O ka botsa gape.
Ditsala: Mokua a re ene ga se motho wa ditsala mme ba ba gaufi nae ke Serame Manyako kwa Chaneng le Dan Motaung. Dan a re Sello ke motho yo o itidimaletseng mme o ntshetsa maikutlo a gagwe mo pampiring ka pene.
MMaMoreMi: Nnyaa, banaka, Nomalanga o mpa a ipuela fela.
MaLebye:(O kgobokanya batho ba ba tlileng losong lwa ga abutiaagwe) Batlhalerwa! Batho botlhe ba ba tlileng fano! Ntlo e, e wetswe ke leru la loso. Abuti o setswe morago ke morwadie yo o neng a tswelwa ke bogadi ka Sontaga. Ntshidi o re tlogetse! O tserwe ke thipa e e bogale ya mosetsana wa Morwa kwa seteišeneng sa De Aar. (Basadi ba a lela, go nna tlhakatlhakano. Batho ba ema matlopetlope go nagana gore matsapa di a tsaya kae.
MafeNya: A o gobetse thata?
MoreMi: (O a kokota) Kokokoo! MoNgwe Mo Tsena!
2.1 Tshwaela ka ga maitsholo a ga Nkefi le Ntope ka kakaretso, o ikaegile ka ditlamorago tsa ona. Tshwaelo e nne dintlha di le someamabedi (20) fela.
tLhapi: Rra, ke eng e kete A go na le phoso?
Go gakgamatsa fa Nomalanga a gana go direla mooki Matlhare gonne a utlwile magatwe a gore ga ba tshole batho sentle.
Terama: Tiragatso/setlhangwa se se tlhametsweng go diragadiwa.
Tsa bodiredi: Motlatsa mokwaledi wa Protea North Burial Society Ramatlotlo wa Protea Golden Harvest Club. O kile a nna mokwaledi wa Lekala la Moroka Swallows la Moletsane, Tladi le Naledi.
Bolela dikgato tsa poloto ya terama.
raesebo: Mma, ga ke go utlwe. Ke raya gore ga ke go tlhaloganye.
MoreMi: Kwa ntle ga go senya nako, a re mo iseng kwa gae.
MoreMi: Go ntse jalo. O ile. O ka fa tlase ga mmu.
Legae: Di tswile pele ga nako. Ngwanaka, ke itumela fa o falotse. O ntlotlile o sa le monnye, o bile wa gola o ntse o le motho.
Legae: Bana ga ba tshwane. Thuto e batsadi ba e neelang bana, ke yona e ba agang. Boitumelo jwa pelo ya me, ke go bona ngwana yo, a ka tswelela mo botshelong gore a tle a kgone go ka iphedisa.
tsheko: A ga o a bona mosetsana yo o neng o bua le ene fa?
kgotlhang e e bonolo, e e rarabologang ka bonako terama e ise e lelefale.
MaLebye: Abuti, ke a go utlwa, ga ke go utlwe ka tsa ga Morakile. Ke itumelela kakanyo ya gago. Rona re banna, re bana ba motho. Re ka kgona go nna ntlo e le nngwe dingwaga tsotlhe tsa matshelo a rona. Fa e le basadi ba rona, ba ka se nne ntlo e le nngwe mmogo matshelo otlhe a dingwaga tsa bona. Gompieno ba ntshetsana a metlhagare, ka moso ba tla a bo ba ngapana.
Kagosešwa le Loago Se se raya gore go gatelelwa gore go sa lekalekaneng le go sa tshwane ga thuto mo setšhabeng go a fela, go tla diphetogo le tlhabololo.
NoMaLaNga: (O bua a tshegatshega) Le batla go nkoba Nkobeng?
MosiMe:(O mo sejanageng, o tsamaya a ntse a bua a le esi) Mo lefatsheng mo, go na le batho ba ba se nang tlhaloganyo. Batho fela, ba tsaya madi a moswi ba tshameka ka ona. Ga ba tlhajwe ke kgala go tsaya madi a a kanakana, dikete di le nne le makgolo a a supang ba a tsenya mo lebitleng. Tshenyo ke a e itse, fa e le e, ga ke ise ke e bone. Inšorense e ntsha dikete di le tlhano, madi otlhe ba a epela, go setse makgolo a le mararo. Motho a nna mo matikiring, a rekelwe lekase le le tlhwatlhwagodimo jaana Madi a a senngwang a, a ne a tla sala a thusa monna le bana ba gagwe. Tshenyo ya madi, mponeng?
ET: Mo dikarabong tse di tsenweng ke letshwao "/" fa gare go kaya gore potso e ka arabiwa ka mekgwa e e farologaneng eo. E seng go araba potso ka dikarabo tsotlhe. E le nngwe fela ya tsona e lekane.
Ntope ke morutabana le ene.
tsheko: Dumela ausi!
Tadi e amusa: Go le motshegare letsatsi le penne.
NoMaLaNga: Rona bathusi, babelegi, re a kopana ka dinako dingwe. Re tsaya dikgang ka ga ditiro tsa rona. Bathusi ba ba direlang baoki ba bua ba bo ba kgale mathe mo maganong, ka tsholo e e seng monate ya baoki.
NNaNiki: Wena! O tshaba gore ba re o apere jase. Ba a tshega.
dikobe: A reye.
Legae: Mosadi yole wa me a re bogadi bo tsewa ke rraagwe, rratsale.
tLhapi: Motho yo, o setse le monnawe yo re tshwanetseng go mmegela. Re tla bowa gape. Ba a tswa. Ba tsena fa mogaleng o o fa gaufi. Nkitsing o letsetsa mogatse kwa tirong.
tLhapi: Motho fa a tlhokafetse o a fetoga. Ka gongwe re mo feta fa, re sa mmone. Ka gore re itlhobogile, a re tswe fano.
raesebo: Wena o tla nthusa go tlhopha ka gore o motho wa sesadi, o itse mebala.
Ntope: Ka gongwe ka Labotlhano ke tla bo ke dule fano. Beke e, e ka se fele ke le fano.
MMaMoreMi: Reetsang tsala ya me. Fa a tsamaya, ke ya go sala ke jewa ke bodutu.
1.2 Batho ga ba tshwane.
O tlhagetswe ke kotsi ya tsela mme a tlhokafala.
MaLebye: Ke eletsa fa ausi a ka tlogela go okomela mo nkgong. Tota, ga se tse di itumedisang go bona mosadi a tsholetsa ditshitswana kgotsa dibotlojana.
Bobedi jwa bona ba selekwa ke go bona Nkefi a ntse a ipeile Ntope pele, e le monna wa mosadi yo mongwe, ene a gana banna.
tLhapi: Mogatsaaka, buisa lekwalo. Le buise o utlwe gore Matsukas ke mang le gore o batla eng.
1.10 Neela lereo le lengwe le le kayang "matiriki." Mo mmuisanong wa 8.
Ntshidi: Ba setse ba nkarabile kwa yunibesithing ya kwa Kapa. Ke eletsa go ya kwa teng.
tLhapi: (O bontsha monna wa gagwe lekwalo le le gorogileng motshegare) Rra, lekwalo la gago ke le.
3.1 Mosadi ke wa me.
MoreMi: Tota re mmatlela gore a tle go dula le mme. Bana o tla tlhola le bona, fa sekolo se tswa, re a ba tsaya. Mmatswale o kwa ga gagwe, jaanong ke bona go se botlhale gore a dule a le esi. Bokgaitsadiake botlhe ba kwa malapeng a bona.
sara:(O emisa ditsebe) Ke eng e kare dintšwa di a bogola?
MoNyaNa: Nnake a ka se tswele kwa matikiring kwa gae re na le ntlo e kgolo.
MotšhaNkaNe: (O buisana le Tshenye fa morago ga gore a thanye) Motlogolo, kgaitsadio o re tlogetse. O thutswe ke bese kwa Tlhabane mo bekeng e e fetileng. Re lekile go ka ikgolaganya le wena, re ne ra palelwa ka go twe o ne o ile kwa melolwaneng. Tiro re e dirile. Kgaitsadio ke yono ka fa phaposing tlaya o mmone.
Mathata! Mathata a eng?
Morwadi: Ntheetse tlhe rra! Ke letse ke tlile go nwa bojalwa mo Porotiya. Ke tlogile kwa bojalweng bosigo. Fa ke goroga fa, ke ne ka tshaba go tlola seporo, ke tshaba go bolawa ke ditsotsi. Ke ne ka bona go le botoka gore ke robale fa, mme ke tla phakela bosele. Jaanong rra, ke setswe.
MoreMi: Ga go molato. Ga kere jaanong o na le tsala! Ba a tshega. Moremi o sala a reeditse mmino a ntse a phutholola le lokwalodikgang la maabane.
Letsatsi morago ga bogadi, Legae o ya tirong mme a se boe.
Go tsena gotlhelele mo nkgong: go tlhoka go ka boela morago mo gonweng bojalwa/go tlogela bojalwa.
Legae: Ngwanaka, ke go tsentse sekolo ka ditshokolo, ke dira ke le esi, mmaago a tlhoka tiro. Re ne re ka mpa ra lala ka tlala fela gore wena o nne le dilo tsa sekolo tse o neng o di batla. Ngwaga o o tlang, ke batla go go bona o le kwa yunibesithing.
Malebye o mo gakolola gore a se ka a ba a dira jalo, o tla bo a segetse Tlhapi, mogatse mo lefureng.
3.1 Matsapa di a tsaya kae?
3.3 Karolo e o e buisitseng e senola kgato efe ya poloto ya terama e?
Legae: Re tshwanetse. O ngwana wa rona. Re tshwanetse go go bontsha tsela e e siameng ya botshelo. Wena o tshwanetse go ipetlela tsela ya gago.
MotšhaNkaNe: Ausi, ke batla go go tlhaba botlhale. O dira phoso nkgonne.
Nkefi: O ne o ntshaba!
Kwa ga Nobutlhe, go tsena Moremi le mogatse.
raMoopaMpa: Fa o ne o re re tshwanetse go fuduga fa, o ne o bua nnete.
dikobe: Nkefi o gaufi thata le Ntope ka maikutlo le fa tota Ntope a na le lelapa. Ke tla leka go buisana le ene.
A moithuti o a buisa a tlhaloganye dintlha le tatelano ya ditiragalo ka botlalo a bo a lemoge dimelo tsa badiragatsi go tswa ditirong tse ba di dirang?
NobutLhe: Bagaetsho, yono ke Nomalanga. Ke ene yo ke neng ka le tshepisa gore ke tla leka go ka mmona.
NkitsiNg: Goreng e go utlwisa botlhoko?
Nkefi: Ke tshwaya dibuka tsa bana ba sekolo, o a ntiya. Tsamaya o bolelele tsala ya gago gore a tlhabele pele.
3.8 Tlhalosa seane se se mo mmuisanong wa 4.
Legae: Ntshidi ke ntse ke mo tsaya jaaka ngwanake, ke mo rata. Ke ntse ke šaba bogobe ka moro wa phiri, madi ke a isa kwa dithutong tsa ga Ntshidi. Le gale, go itse Ona.
MoreMi: Goreng o ne o okomela?
Morago ga go buisa, Legae a kona tlhogo a re "Go senyegile" a nyema mooko.
raMoopaMpa: Bagaetsho, ga ke le tlhaloganye. Ga le bue nnete.
Ba mo utlwela botlhoko, Dikobe a re: "re lela le wena."
Mafenya ka botsalano le kutlobotlhoko o tlhalosa fa a eletsa gore Ntope a fole, a tswe mo kokelong.
MafeNya: Ke dikgang tse di seng monate e le ruri. Se ke se itseng ke gore batho bao ba tlwaelane go tswa kwa kholetšheng. Ke tsaya gore ke ditsala fela.
Legae: Go jalo Motlhalerwa. Ke bone boroko ka fa Naledi. Go na le mongwe yo o agileng diphaposi ka kwa morago. O ntshepisitse gore ke tle mo bekeng e e tlang fa kgwedi e tla a ba e simolola.
tLhapi: Ntshidi ga se ngwana wa gago, o ka amogela bogadi ba gagwe jang?
NoMaLaNga: Mme Matlhare, ke godile. Go ka se ye kgakala, o tla a bo o re ke eng ke tshega le monna wa gago. Kwa ntle ga foo, ka dinako dingwe o dira bosigo. Fa o le kwa tirong, pelo ya gago e tla a bo e le fa gae. Monna wa gago le ene a ka nna a . . . Go itse mang Ke bua fa pele ga rre Moremi. Ke fetsa ka gore ke a leboga, ke tlhapa diatla?
A re yeng fa mosetsaneng yole wa Morwa.
raMoopaMpa: Goreng o batla gore re fuduge fa?
MafeNya: Dumela monna Ntope, o bewa ke eng fano?
NoMaLaNga: Ke tla go bolelela nnete, nnete e e se nang bana ba phefo.
NobutLhe:(O a tshegatshega) Ke tlhotse ke lapile. Fa ke ka ikutlwa ke lapile, ke itse gore go ya go goroga baeng.
Molaetsa: Thuto ya mokwadi ka setlhangwa sa gagwe.
NoMaLaNga: Intshwareleng, ke sa ntse ke tsena ka fa ntloboapeelong.
Thaologo: Kgato ya popoto ya terama e mo go yona ditiragalo di tlosang lonao.
raesebo: Nnyaa rra, a utlwetse.
1.13 Kwala mola wa bobedi wa mmuisano wa 10 ka mafoko a gago.
1.1 Mmui o kaya gore o sa le a solofeditswe sengwe, ga a ise a se newe/o tlogetswe fela sebaka se seleele ka kgang kgotsa thulaganyo nngwe e sa wediwa.
Baemanokeng ba amana le badiragatsibagolo ka losika kgotsa botsala.
Ke letsatsi la Lamatlhatso. Nnaniki o ntse a anega dikhai mo terateng, Moremi o a mo thusa.
MMatšhatšhi: (O bua ka lentswe le le robegileng) Re tlile fano mabapi le dithulaganyo tsa phitlho.
dikobe: Itse gore jwa pitse ke jo bo mo mpeng. Ntope o na le lelapa la gagwe. O itiya fela ka ene. Ipatlele motho yo o sa nyalang jaaka Mafenya jaana.
Legae: Ngwetsi e dira jalo. E seng rona re itirelang megodungwana basadi ba rona ba ntse ba le teng.
MafeNya: (O thikhitha tlhogo) Ke a go utlwa.
MafeNya: Morwarra, ke sale ke go roma, ga ke itse gore a o bile wa kgona go ka bona kgarebe ele.
1.12 Go reng o dumelana kgotsa o ganana le tlhagiso ya mmuisano wa 10 mola wa ntlha?
MMatšhatšhi: Ga re tsamaye bobe. Re tswa kwa ga Nkele. Motho ke yoo, a re opisa tlhogo le morwaagwe.
Mogapatiro ke modiragatsimogolo yo o ngongoregang.
MoNyaNa: O se ka wa ba wa dumela gore mosadi yole a tshabe ka tlhogo ya gago. Ga a ise a nyale nnake ka lesira. O rile re eme go le gonnye, o tla re itsise ka ga tsa lenyalo.
raMoopaMpa: Rra, ke a go utlwa, fela o se ka wa tlhola o emisa sejanaga fa. Tloga fela jaanong.
Mooki Matlhare le ene a ka bo a sa ineela, a ka bo a ne a rapedisana nae.
Fa Ntope a se na go tlhokafala, Nkefi o lela sa go tlhoka mogomotsi.
raMoopaMpa: Fa o ka bo o mpoleletse nnete, ke ka bo ke sa go tsenya moretlwa. O se ka wa tlhola o robala fa. Tsamaya! (Ba a kgaogana).
tLhapi: Re ntse re tshaba go go bolelela, fela ntate o a itse.
MokhoNto: (O bua a itlhomotse pelo) Rra o se ka wa mpotsa dipotso di le dintsi. Ke kopa gore o ntatlhelele makgasanyana a gago.
Ntshidi: Batsadi ba me, le nna ke itumetse fa le nthotloeditse go tsena sekolo. Ke solofela fa le tla nkema nokeng mo botshelong jotlhe ba me.
Nkefi ke morutabana, mosetsana yo montle.
raesebo: Re setse re siame. Ausi Monyana le ene o na le metsotso a le teng. Raesebo o bitsa ausi Monyana. Ba tsena mo sejanageng.
Ntope o ba lebogela go nna badirammogo mo monateng le mo botlhokong.
MoNyaNa: Ga ke itse gore tota fa bašwa ba itlhophela go tsamaya, batsofe ba ya go bolokwa ke bomang.
MaLebye: Mogolole, o tsamaye sentle. Ga gabo motho go thebe phatshwa. Legae le, ke la gaeno. Fa o ka kopana le dithunthung, O se ka wa tshaba go tla go itshuba fano.
NoMaLaNga: (O rothisa dikeledi) Salang sentle!
raMoopaMpa: O nna kae?
1.2 Go ya ka mmui, go "tsaya semolao" ke fa go dirilwe moletlo wa lenyalo, monyadiwa a apere mosese o mosweu-go ya ka ene.
MoreMi: Mosadimogolo ga a tlhola a kgona. O akgilwe le ke loso lwa mokgalajwana wa gagwe.
NNaNiki: O raya jang?
3.6 Monna wa moswi a ka ba tshwarisa.
MoreMi: Nkgonne Matlhare, jaaka ke ne ke go solofeditse gore e tla a re fa kgaitsadiake e leng Nomalanga a goroga, ke tla buabua le ene, ke dirile jalo. Nna le wena re ne ra tšhotla kgang mong wa yona a seyo go ka ikarabela. Jaanong ke yono, re tla utlwa gore ene a reng ka wa gagwe o a jang bogobe.
Potso e, e goetlha moithuti go senola kgotlhang, dikgato tsa poloto, semelo le makoko a badiragatsi.
MoreMi: Go boa, o boa leng?
dikobe: O se ka wa tshoga morwarra. Re babalesegile.
Mpho: (O bua ka mafega) Monna ke wena, ke bogologolo ke go gakolola gore o tlogele go tsamaya masigo. Ga ke itse gore ke eng se o se batlang masigo o sa se bone motshegare.
Ka nako e ke neng ke batla go bofolola dintšwa, mosetsana yo, le lekau la gagwe, ba ne ba nkgoreletsa. Fa letlatlana le tshwara, ke ne ka tlhola gore a ga go ope gaufi le lobotana, go ne go se ope, ke ka moo ke ileng ka di bofolola. A ga go jalo mosetsana" (A diga sefatlhego go sela dibi le mororo go se dikgomo mo Porotiya). "Mo ise kwa Perekwane. O be o duele ditshenyegelo tsa gore ntšwa ya gago e ntometse ngwana. "Ke tla mo isa bookelong le fa e le bosigo. Fela le tshwanetse go ruta ngwana wa mosetsana gore a se ke a ema mo lebaleng bosigo le basimane. Gona jaanong o kae ene mosimane yoo wa teng Ke ene a ka bong a tlile fano ka gore ntšwa e lomile mosetsana yo, a na le ene." (A bua a lebeletse mosetsana mo phogwaneng). "Mosimane yole, o ne a go dirisa fela. Fa e le gore o a go rata, a ka bo a ile a bona go tlhokega gore o tshwanetse go ya kwa ngakeng." "Rre Ramoopampa, tiro ya gago o e dirile. Fa e le go duela ditshenyegelo, lebala. Ngwana yo o ntshwabisitse. Bana ba bannye ba o ba bonang ba ke ba ga Seponono. Fa jaanong a sasanka masigo mo dipuleng, a sasanka le basimane, a ba a longwa ke dintšwa mo maragong, ke tlhapa diatla. Ke di tlhapa ka sesepa sa mafura a kolobe.?
2.9 Phogwana e mo karolong e fe ya mmele?
sara: Ke eng o ntse o ile nako e telele?
sara: (O ya go thuthafatsa dijo kwa setofong) Selo se, bosigo. Ka moso ke la tiro.
MatLhare: (O simolola go tshoga.) A o kile wa tshwenngwa ke mooki?
3.7 Matikiri ga a tshwenye, re tshwanetse ra ithuta go amogelana jaaka re ntse.
MMatšhatšhi: O tla tsamaya le Monyana. Rona re tla sala fa gae.
1.14 Mmui ke monna wa ga Kgabele-setopo se se lwelwang.
MafeNya: Mogatsaaka, ke e tla. Selo se botshelo, se a dikologa. Gompieno ke nna, ka moso ke yo mongwe.
Dipuo tse a di buang.
MMatšhatšhi: Ke la me leo. Mosimane yole, ba ga gabo ba ne ba sa kopa ngwanake, ba ne ba mo adimile fela. Ba rile ba sa ntse ba tla go dira lenyalo.
MokhoNto: Rra o nthusitse. Ke itumetse thata.
Badiragatsi ba tsweletsa ditiragalo tsa terama ka ditiro le mmuisano.
Legae: Bogadi bo tshwanetse go amogelwa ke bomalomaagwe Ntshidi boemong ba rona.
Ntope: Mothaka yo mongwe o ne a sega koloi e nngwe tsebe a ba a tsena fela mo koloing ya me. Botlhapelwa! Motho o sega tsebe a sa ele tlhoko sekgala sa koloi e e tlang kwa pele.
sebeka: Motho yo, ga a sa tlhola a le wa lefatshe leno. O ile.
MoreMi: Kgaitsadiaka Nomalanga, fa o ne o seyo, Modimo O ne wa gopola motho yo o neng o mo tlhokomela.
MaLebye: Ao! E itsiwe ke mang?
3.2 Phitlho ya ga Kgabele.
NNaNiki: E re ke fetse go anega pele.
Legae: Ba tlisa bogadi ka gore Ntshidi o tlotswe ke dikgwedi di le tharo. Mosetsana yo, ke eng a ntse a sa re kwalele go re itsise ka ga...
Kgotlhang/Bothata Kgotlhang/Bothata ke ntwa kgotsa ngangisano e e nnang teng fa gare ga badiragatsi. Kgotlhang e mela mo morerong. Yona e ka nna fa gare ga badiragatsi ba terama jaana: Motho le motho Motho le batho Batho le batho Motho le tikologo Motho le maikutlo a gagwe.
raesebo: Re lebogela dinao tsa gago.
raesebo: Mm! Le a lebega. Ke bokae?
Buisa mebuisano e e latelang ka kelotlhoko mme o tle o arabe dipotso tse di tla latelang.
MafeNya: (Ka lentswe le le bonolo) Bua fela. Bua sengwe le sengwe se a se buileng. O se ka wa tshaba.
NNaNiki: Re batla mmelegi.
MatLhare: O goroga leng Nomalanga?
Legae: Motlholo o o jalo, ga ke ise ke o utlwele. Goreng rraago a tshwanetse go tsaya bogadi e se ba ngwana wa gagwe?
NkeLe: Ke a leboga mma. Dikgogakgogano ga di batlege, di senya tiro, e senyege. Kutlwano ke maatla. (O bitsa morwaagwe) Ngwanaka.
tLhapi: Ke eng?
NobutLhe: Nnyaa, e seng ka bonako jalo. Ke tla mo duelela, wena o tla tla o ntuela. Ga kere ga re itse gore dinamelwa di duelwa bokae!
MoNyaNa: Kgabele o tshwanetse go tswela fa, o na le inšorense e e tshwanetseng go mo duela. Fa re ka se ka ra ema ka dinao, madi otlhe a tlile go ya kwa ga Nkele.
raMoopaMpa: Ke e tla, ke ya fa ntle. (O a tswa. O kgatlhantshwa ke pula e sarasara) Pula e, e tswa kae (O okomela ka fa morago ga lobotana) Bathong! Batho ba ba 'emeng mo puleng bale, ba ikutlwa jang! Pula e, a ga e ba kolobetse Ka gongwe metsi a pula a thedimoga fela mo diaparong tsa bona. Lorato lo a makatsa, ga le na gore pula e a na?
3.11 Raesebo (Mogapatiro). Mmatšhitšhi (Mokganatiro).
3.3 Thitokgang ke modi wa kgang ya terama?
puLe: Ke mosarasane, e tla feta.
sara:(O tla ka dijo, ba a di tlhasela) O se ka wa ba wa re ga o a kgora.
O a sotlega, mme batho ba mo ja setshego.
Ga go na kutlwano fa gare ga Ntope le mosadi wa gagwe Motlagomang ka ntlha ya bonyatsi jwa gagwe le Nkefi.
3.1 Kwala leina la terama e o sa tswang go e buisa.
Nkefi o gana banna, o ba bitsa dikoropolapa.
raMoopaMpa: Go jalo, ke tshwanetse go di bofolola, ke bosigo. Ura ya bosupa e setse e iteile.
Mogapi, K. 1988. Tshekatsheko ya dikwalo: motshameko. Gaborone: Longman.
"Kgabele o tswetswe ke bogadi. Bogadi ba teng, bo amogetswe ke nna. Bo dule botlhe, ga ba nkolote. Kgabele le fa a sa tswa fano ka lesira, o nna kwa ga gagwe. Ga a tshwanela go tswela kwa ga mmatsalagwe. O feditse ngwaga a nna kwa ga mmatsalaagwe Fa e ne e le gore o sa ntse a nna kwa ga mmatsalaagwe, o ne a tla tswela kwa teng. Re ka iphitlhela re le mo kotsing e e seng kana ka sepe ka moso. Kgabele ga a sa tlhole e le ngwana wa rona o fetotse sefane".
tLhapi: (O a le tsaya, o a lo buisa) Go diragetse. (Marothodi a dikeledi a rotha ka monokela go tswa matlhong a gagwe.
sara: Ntlo e e mo sekhutlong e, ga ke e rate. Ka letsatsi lengwe re tlile go seka.
MafeNya: Ke kakanyo e e siameng. Fela tsatsi lengwe, Nkefi o tla gopola matsatsi a a neng a gana lenyalo. Ka nako eo, o tla bo a le batla. Le lona, le tla bo le mo tshaba.
MoNyaNa: O se ka wa tshwenyega mma. Batho ba inšorense ba tlile gore re tlhophe lekase. Re tla tlhopha la madi a a kwa godimo. Go tla bo go setse madinyana a se makae fela.
MoNyaNa: Mma, ke di utlwile. A re mo tlogele a tswele kwa ga gagwe. Fela, nna ke ne ke nyatsa gore matikirinyana ale a phaposi e le nngwe, ga a kitla a kgona go ka amogela batho ba ba tlileng go tla losong. Ke tshwenngwa gape ke gore Kgabele e ne e le mooki. Baoki ba bangwe fa ba tla, ba tlile go mo ja setshego.
3.10 Ngwana ke Kgabele.
MatLhodi: Nnyaa rra. Ke ne ke batla fela maikutlo a gago mabapi le dikago.
NNaNiki: Bagaetsho re itshwareleng go le senyetsa dikgang tsa lona.
1.14 Mmui wa mmuisano o o amana jang le setopo se se sekwang?
MaLebye: Morwarra, o bewa ke eng fano mo mosong jaana?
NNaNiki: Nomalanga o natefetswe.
raMoopaMpa: Nnyaa. Go baratani dimmitara di se kae go tloga fa loboteng.
"Ngwanaka. Monyana, dikgakololo ke tseo. Ga ke itse gore wena o di bona jang." Mma, ke di utlwile. A re mo tlogele a tswele kwa ga gagwe, fela nna ke ne ke nyatsa gore matikirinyana ale a phaposi e le nngwe ga a kitla a kgona go amogela batho ba ba tlileng go tla losong. Ke tshwenngwa gape ke gore Kgabele e ne e le mooki, baoki ba bangwe fa ba tla, ba tlile go mo ja setshego. "Ga gabo motho go thebe phatshwa. O ka seka wa tshaba gore ditsala tsa gago di go jele nala ka gore fa ga eno go se gontle." "Kgaitsadiaka, re lebogela dikgakololo tsa gago. Ngwana o tla tswela kwa ga gagwe."
koNti: Rre Ramoopampa, tiro ya gago o e dirile. Fa e le go duela ditshenyegelo, lebala. Ngwana yo, o ntshwabisitse. Bana ba bannye ba o ba bonang ba, ke ba ga Seponono. Fa jaanong a sasanka masigo mo dipuleng, a sasanka le basimane, a ba a longwa ke dintšwa mo maragong, ke tlhapa diatla. Ke di tlhapa ka sesepa sa mafura a kolobe.
Fa e le kgomo yona, ke ka e seka. Ga ke go kolote, ke go duetse bogadi botlhe. Ka jalo, setopo se, se mo diatleng tsa me." (O bua a tsena Nkele mo leganong) "Nnake ga a tswa kwa gae ka lesira. Ga a direlwa moletlo wa gore o tswa kwa gae. Ka jalo, ke" (O bua a lebeletse mme Mmatšhatšhi) "Mme Mmatšhatšhi, o motsadi wa me. O mme ka gore o mmatsalaake, Ke a go tlotla. Ga ke eletse go go utlwisa botlhoko. Fela, ke rata ke go gakolole gore mosadi ke wa me. Ke ntshitse bogadi ka pelo yotlhe yame. Ke tswa kwa Mmagiseterata le Kgabele. Ke na le setifikeiti sa lenyalo mo ntlong mo. Seo se kaya gore mosadi ke wa me. Fa o ntse o gatelela gore o batla setopo sa ga mogatsaake ke tla go tshwarisa. O tla iphitlhela o le fa morago ga ditshipi tsa kgolegelo fa o tshwanetse go boloka morwadio." "Heela mosimane ke wena, motho yo o buang le ene yo, ke mme. O tshwanetse go tlhopha mafoko a gago." "kana le itshwenya fela. Nna ke bua ka dipampiri. Ke tshotse setifikeiti." "Ngwana, o tshwanetse go tswela fa." "Nnyaa mma, ga go jalo. Mogatsaake o ya go tswela kwa matikiring a gagwe. Nna le ene, re ntse re nna kwa setsheng sa rona. Re na le dikgwedi di le kana re nna kwa teng." (O emisa menwana e le metlhano) "Nnake a ka se tswele kwa matikiring kwa gae re na le ntlo e kgolo." "Katara e itewa ke nna, lona lo tshwanetse go bina."
raMoopaMpa: E bile o buisa makgakga! Ke tla go ruta ba le bantsi.
MaLebye: Ke ne ke tla a re fa e le ka lorato, go fedile. Ke ne ke tla mmusetsa kwa go rraagwe. Motho yoo ke nta ya selomelakobong.
dikobe: Di tlogele tseo. Ba tsena mo bookelong.
dikobe: Monna, go ne go le thata. Tshimo ele ke thite. Mogoma o ne o kakadia fela fa godimo. Go batlega terekere go ka e tlhabolola, e seng sepane sa dipholo.
Morwadi: Ka fa Naledi.
Setlhogosegolo sa ngatana e ya diteramakhutshwe ke "Matsapa di a tsaya kae" Ke go re "Bothata bo bakilwe ke eng" E bile ke sone sa teramakhutshwe ya ntlha. Ditlhogo le diteng tsa diteramakhutshwe tsotlhe tse tlhano di ikaegile ka setlhogosegolo mme di tsamaelana le sona?
MosiMe: Nako ke ya mo mosong, ura ya borobongwe ke tla bo ke le fano.
Morero/thitokgang ke modi wa kgang ya terama. Ke ona kgotlhang ya terama e melang mo go ona. Ditiragalo tsotlhe tsa terama di itshwareletse ka ona.
MokhoNto: Rra, ke motho, o se ka wa ntshaba, o se ka wa nkgobatsa.
raMoopaMpa: (O a mo lebelela) Nnyaa mma!
MaNaiLa: Nnyaa rra, re iketlile fela.
1.2 Kwala dintlha di le sometlhano (15) o ntshe maikutlo a gago ka ga tshwetso ya ga Nomalanga ya go gana tiro kwa go mooki Matlhare. A o itirela molemo A mabaka a gagwe a utlwala Wena o ne o ka dira jang fa o le Nomalang. O ne o ka dira eng fa o le Mooki Matlhare?
raMoopaMpa: (O nna mo sofeng, o lebelela thelebišene) Fa e le Sontaga jaana, ke ithatela mmino wa matsogo.
Ga ba tshepe dikotsi tsa tsela, batho bangwe ba a falola, bangwe ba bolawa ke letshogo.
MafeNya: Mogolole, re badirammogo. Tlogela tsa gore re simolola go bonana.
O ne a re o ikutlwa fela a le kwa gae.
MaLebye: Motlhalerwa, letsatsi ke bogologolo le tlhatlogile. Dikereke le tsona di gaufi le go tswa. O a reng o sa le mo mapaing?
Legae o ne a utlwa botlhoko thata gonne a godisitse Ntshidi ka a rile go nyala a e gapa le namane.
Ke S.S. Mokua.
NkitsiNg: Ke solofela gore le a bona gore re mo losong. Ausi Tlhapi o tlhokafalatswe ke monna. Ke bua jaana a le mo materaseng. Setopo se tlile go goroga mo tshokologong. Ka gore le batho ba molao, ke tla le letla go bua le ene. Ntshaleng morago. Ba mo sala morago.
MosiMe: Ke tlile jaana go tla go le itsise gore ka moso, ke tlile go le tsaya le ye go tlhopha lekase. Lona lo tla ipua gore go tla tsamaya bomang.
dikobe: Ke tswa fa gae fale. Ke utlwa gore Ntope o tlhagetswe ke kotsi.
NoMaLaNga: Ke tshwanetse go boela gae. Se ke neng ke se tletse fano, ke se dirile. Ke ne ke dula fa e ne e le gore tsala ya me e ntse e ja bogobe. Ke tla nna beke fela le lona, ke tla boela gae mo go e e tlang.
puLe:(O bua a itumetse) Mmaago o nthusitse a go roma kwa Naledi, ke ne ke tla go bona jang?
tharo. Fa re laiwa, bagolo ba rile kgomo e gapiwa ka namane. Ke amogetse Ntshidi jaaka ngwana wa me. Ke mo tsentse sekolo wena le rraago le sa dire. Monongwaga, ke ngwaga wa somamabedinngwe ke ntse ke tsenya Ntshidi sekolo. Ke apara oborolo. Fa morago ga dingwaga tse di kanakana, o mpolelela fa ngwana e se wa me!
MosiMe: Batlhalerwa, ga ke laele.
Ba gabo Matsukas ba tlisa bogadi.
MMatšhatšhi: O tshwanetse go ya go mpiletsa kgaitsadiake. Ke ene motho yo o tla re neelang tsela. Ba goroga kwa gae.
Kabotiro ya badiragatsi ba terama ke efe mo terameng?
raMoopaMpa: Mo tlogele, basetsana ba ba sasankang masigo ba, ga ba ithate. Ba tswelela ka go ja.
raesebo: Go siame rra.
Se se buiwang ka ga gagwe.
Modimo ke yoo!
raMoopaMpa: (O bua ka pelo) Ke ka se ka ka mo tsenya mo ntlong. Mogatsaake le banake ba ka tla ba tshoga. (O bua le ene a mo tlhomile matlho) Ke e tla. (O tsena mo ntlong. O tlhaga a tshotse terekesutu) Monna, tsaya o apare.
MaLebye: A o setse o bone kwa o ka itshubang teng le ditsuane tsa gago?
koNti: Rra o re go re bona re le fano, re mo mathateng.
raMoopaMpa:(O bua a le esi) Mosadi wa me o rile re fuduge fa. Fa e le gore re a fuduga, e tshwanetse ya nna ka go ithaopa, e seng go gapeletswa ke batho fela. Basadi ba rata dilo, o batla gore re fodugele kwa Houghton. Botshelo ba kwa teng, bo farologana thata le ba mo lekeišeneng. Modimo o teng ke solofela gore ka letsatsi lengwe, ke tla fenya mathata a a dikologileng ntlo ya me. (O tsena mo ntlong) Botshelo bo, mathata!
NoMaLaNga: Go ntse jalo, mme ga re kopanele fano.
sara: A o a bona Ga re kgone go dira ditiro tsa rona ka phuthologo. Ntlo ya mo sekhutlong e ntenela sona se. Fa e tla go tena, e ba e na le lobotana. O tla fitlhela digaretene tse di tsamayang, di le kgabisitse?
MatLhodi: Ga twe o gana banna, o ba bitsa dikoropolapa. Gona jaanong e setse e le lefetwa. Selo se se utlwisang botlhoko ke gore ga twe o tlhakatlhakantse lelapa la ga Ntope. Ba re Ntope e bile o na le senotlele sa ntlo ya mosadi yoo.
NkitsiNg: Mme Tlhapi o mo materaseng, a ka se kgone go bua le wena.
Go rarabolola le go senola maitemogelo a mokwadi mo diterameng tsa "Matsapa di a tsaya kae". Seno se tla sedimosiwa bogolosegolo ke lokwalotshelo (bayokerafi) lwa S.S. Mokua gonne ka lona baithuti le barutabana mmogo ba tla tlhaloganya lebaka la gore a bo a kwadile ka tsela e a kwadileng ka yona?
NobutLhe: Beke e e tlang fa e fela ke tla bo ke le fano.
MoreMi: Mogatsaaka, a re itlhoboge. Ke yole o ile, re mmone. O ya lefatsheng le re sa le itseng, fatsheng la Maswati.
MotšhaNkaNe:(O bua ka kgakgamalo) Wa reng ausi?
Shole, S.J. & Molebaloa M.K. 1993. Molekane (Study Guide) Century. Turn Publishers: Garankua.
1.11 Ba na le dikgwedi di le kae ba nna kwa setsheng sa bona?
NNaNiki: Nnyaa mma, ga go jalo. Re ne re gopola gore ka gongwe a ka rata go ka ikhutsa.
raMoopaMpa: (O tswela kwa ntle) Monna, tsena mo koloing mo, ke go ise gae.
raMoopaMpa: (Ka bogale) Fa o re tshosa jaana, o robaletseng fa?
NNaNiki: (O a tshegatshega.) Go nna le monna yo o go thusang go monate. (Moremi o a mo lebelela) Ga se gantsi o fitlhela monna a thusa mosadi.
O ineela tagi.
Legae: Go raya gore ka gongwe o ntse o itse fa Ntshidi a sa itekanela mo mmeleng, e bile le bogadi bo tshwanetse go tswa.
sara:(O a gakgamala) Ke eng?
Legae: Ke nyemile mooko. Ka nako nngwe go isa ngwana wa ngwanyana sekolong, mathata. Ba mo tsaya o ise o mmone a dira. Tsaya lekwalo ke le, o ipuisetse.
MokhoNto: Rra, ke ne ke tlhasetswe ke dinokwane, di ntseetse madi le diaparo tsotlhe.
MosiMe: Bagaetsho, rona ba inšorense, re amogetse molaetsa o o botlhoko wa gore mooki Kgabele o re tlogetse. Go thulwa ke bese o itsamaela fa thoko ga tsela, ke loso lo lo botlhoko e le ruri. Batlhalerwa, re lela le lona.
MoreMi: Mma, ka gore se re neng re se tletse kwano se diragetse, re kopa tsela. Go ya ka magoro...
NoMaLaNga: Ga go molato. Re ka tsamaya, ke mmolelele.
Legae: Morwarra, ke lemoga gore ke tshwanetse go tswa mo lelapeng le. Ga ke batle gore ke nne fa, go fitlhela maemo a dilo a senyega. Ke nyetse, o nyetse, re nna mo ntlong ya diphaposi di le nne.
Ditiragalo tse di latelanang, di siana ka lobelo gore nako e se ke ya senngwa. k.g.r. poloto e e kitlaneng.
NkitsiNg: Abuti, o se ka wa isa mogopolo le naga. O tla fela, o iphitlhele o lekana le letlhakanoka.
MosetsaNa wa Morwa: "Nee!"
2.1 Tshwaelo ka ga maitsholo a ga Nkefi le Ntope.
raesebo:(O bua a le esi) Ke tshwanetse go boloka mosadi wa me ka matsetseleko otlhe a ke ka a kgonang. Go nna moswagadi ke le monnye jaana, go utlwisa botlhoko. Go tloga fa, ke leba kae A ke ya go nyala gape Bana ba babedi ba, ke ya go ba tlhokomela jang Nnyaa, loso lo setlhogo. Lo tsaya motho yo o nang le maikemisetso. Kwa toropong ya Gouteng, go na le batho ba ba nnang mo mebileng ba se na maikaelelo a botshelo. Batho bao ba tshela dingwaga ba sa lwale, ba sa tlhagelwe ke dikotsi. Nna, ke yo o jang yo o tlhagelwang ke selo se se botlhoko se Moleofi ke mang A go leofile batsadi ba me kgotsa ke nna A go leofile moswi mogatsaake kgotsa batsadi ba gagwe Botshelo ke menate le masula. Ke ka se lebale tiragalo e. Go diragetse. Tsatsi le wetse. Bodiba bo tšhwele ke bo lebile. Ka gongwe tiragalo e, ke toro fela?
sepoNoNo: Ke ne ke ntse ke rapela mo pelong gore a nthome. Pula e, ke yona fela e re senyeletsang.
Modiragatsimogolo yo o ngongoregang.
A mo tshekatshekong moithuti o lemogile thuto le kgalemo ya mokwadi ka ditiragalo tsa terama e.
1.5 Metlholo ga e fele.
raMoopaMpa: Ba ile, ke tshwanetse go di bofolola.
Phuruphutsha: Go batla sengwe ka mokgwa o o matsetseleko o sa senye nako.
1.5 Mmmui wa mmuisano wa 3 o kaya gore ba tswa go dira eng?
tLhapi: Ka gongwe o batla madi a teng.
sara: A o di bofolotse?
NoMaLaNga: (O bua a tshegatshega) Dikgang ke tsa batho ba le babedi. Lona le tlile go re senyetsa.
3.10 Ngwana yo go bolelwang ka ene ke mang?
MafeNya: Modimo o teng, o tla fola. Mo mosong wa je le latelang go tsena mogala o o begang fa Ntope a kgabagantse noka ya Jorotane. Nkefi o ne a iswa ngakeng a idibetse. O ne a lela go feta mogatsa moswi. O feditse beke yotlhe a sa ye tirong. Motho a lela jaaka e kete moswi ke mogatse.
koNti: Re tlisitse molato.
Yo mongwe le yo mongwe o na le baemanokeng ba gagwe.
NkitsiNg: Ke Legae Kgosietsilemaabanebosigo.
Bayokerafi ya ga S.S.
Molaetsa/Thuto Molaetsa ke thuto e moterama a batlang go e naya babuisi. Ona o senoga kwa bokhutlong jwa ditiragalo, go ya fela ka tsela e kgotlhang e rarabololwang ka yona. Le fa re ka se dumalane le ene gona ene o a bo a rialo.
Mogapatiro ke modiragatsimogolo yo o nang le bothata, yo o ngongoregang, yo o tshwenngwang. Mokganatiro ke moemakgatlhanong, o baka bothata, o tshwenya mogapatiro. Bobedi jo ke jone bo kampanang, bo gotlhanang. Matsapa otlhe a ba a tsayang ke maiteko a go rarabolola kgotlhang mme kwa bokhutlhong mongwe o tla fenya. Mogapatiro le Mokganatiro ba na le baemanokeng ba ba ba rotloetsang ka dikgakololo.
NNaNiki: Go ntse jalo, ka dinako dingwe, motho fela wa ditšhaba, a ka go thusa go phala mogaeno yo o antseng letsele le ene.
MaNaiLa: Ga go jalo rra.
3.9 Ga se molato wa gago fa kwa gaeno go se go ntle, ditsala ga di a tshwanela go go tshwaya phoso kgotsa go go lebela tlase ka ntlha ya maemo a lelapa la eno.
Mmatšhatšhi: O bua nnete. Kana ke wena ausi wa bana botlhe ba lelapa le. Ba a tswa.
Modiragatsimogolo yo o bakang ntwa/yo o tshwenyang.
Nkefi: (O thikhitha tlhogo) Ditlontlokwane le dithamalakwane ga ke tsamaisane le tsona.
Legae: Ke lebogela dikakanyo tsa gago. Fela ke rata go itse gore tsatsi le ke ka tlhokafalang, go ya go diragala eng ka setopo sa me?
Lephodisa sebeka: Ke go itsise gore o tle go tsaya ngwana wa gago mo mmotšharing wa mo De Aar. Ngwana wa gago ke setopo, o swetse mo ke letsang teng fa.
Morutabana o tlhoka go suga baithuti ka botlalo mo tirisong ya mareo a, gore ba se tlalelwe fa ba a bona kwa tlhatlhobong ya makgaolakgang.
Nako e e lekanyeditsweng e e sa atoloseng terama.
Legae: Mogatsaaka, ke itumetse. Gore ke tlole, ke thule disenke tse ka tlhogo.
NkitsiNg: Ausi, o ipete sebete, lefelo le, ga le tlwaelwe. (Ba tsamaile le tsona ba di lebeletse. Tse dingwe di tsinne o ka re di a tshega) Ausi, ga re mmone.
Lokwalotshelo/bayokerafi: Hisetori ya botshelo jwa motho go tswa tsalong go ya losong, le fa a sa ntse a tshela.
raesebo: Dikhasekete di dintle fela di tlhwatlhwagodimo!
raMoopaMpa: Ke tla mo sia bookelong le fa e le bosigo. Fela le tshwanetse go ruta ngwana wa mosetsana gore a se ka a ema mo lebaleng bosigo le basimane. Gona jaanong o kae ene mosimane yoo wa teng Ke ene a ka bong a tlile fano ka gore ntšwa e lomile mosetsana yo, a na le ene. (A bua a lebeletse mosetsana mo phogwaneng) Mosimane yole, o ne a go dirisa fela. Fa e le gore o a go rata, a ka bo a ile a bona go tlhokega gore o tshwanetse go ya kwa ngakeng?
Nkefi: Banna ba bantsi mo lefatsheng, tsatsi lengwe ke tla kopana le yo o ratwang ke nna. Gona jaanong ga ke batle monna.
raesebo: (O supa le lengwe) Le le jang?
Legae:(O phutholola lokwalodikgang.) Ngwanake o falotse ditlhatlhobo. O falotse materiki.
MMatšhatšhi: Ka re ngwanake o tshwanetse go tla go tswela fano.
2.1 Tlhalosa karolo e e thaletsweng mo polelong ya ntlha ya mmuisano wa 1.
Nkefi: (O sosobanya sefatlhego) O se ka wa mpherekanya maikutlo. O mpolelela ka sekoropolapa seo. Selo seo, ke sa go iphimola dinao fela o be o se latlhela kwa.
Nomalanga o tswa go tsewa kgakala kwa Komatipoort.
tLhapi: Ka re, bogadi ba ga Ntshidi, bo tshwanetse go tsewa ke ntate.
2.9 Fa gare ga tlhogo.
Nkefi: Ntope o ile. Ke ene a neng a nkgomotsa. Ke setse ke le esi. Ga go monna yo o ka tlholang a nkatamela. Mafenya le ene o nyetse. Fa morago ga dikgwedi di le pedi Ntope a bolokilwe, Dikobe le Mafenya ba ne ba iketlile kwa ga Mafenya. Letsatsi e ne e le la Lamatlhatso motshegare.
Reaske, C.R. 1966. How to analyse drama. New York: Monarch.
tsheko: (O nnetse selelo. Mamina a tlhakatlhakane le dikeledi) Ga ke itse gore re ya go raya mmaagwe Ntshidi re reng.
MatLhare: Jaanong ausi Nomalanga, Ke eng o le kgatlhanong le baoki?
sara: O tlhole pele gore ga go ope ka fa morago ga lobotana. Sesireletsi sa lobotana se a tena, ka gore baratani ba ikaega ka lona. Bojang jo o bo jetseng ka fa morago ga lona, le bona bo a ba gogela. Re tshaba le go okomela ka fa morago. Bana ba rona ba bona metlholo. Dilo fela tse di sisimosang. Dilo tse di tlhabisang kgala.
Ya bone: Mosadi ke wa me?
sara: Go na le motho yo o goang.
tLhapi: (O a lela) Ngwanake wee! Ke metlholo ya eng wee! Matsapa di a tsaya kae Go swelwa ke monna le ngwana ka nako e le nngwe?
Ba tsena mo sejanageng. Ba fetile mebila e le merataro gona mo Diepkloof Extension ba bo ba tsene.
Go tsamaya sekgala se se kana, a tla go dira kwa kgakala ke tshupo ya gore le ene o ne a ntse a tlhoka madi go iphedisa.
MoreMi: O tla mmona leng?
All rights reserved.
NobutLhe: Bagaetsho, ke tla leka thata.
Nkefi o bua le banna ba ka lenyatso lo logolo, a re dipuo tsa bona ke ditlontlokwane.
Legae: Kgang ke yona eo, le ka ya go tswelela ka ditiro tsa lona.
3.5 O itse thulaganyo. o botlhale. o na le nnete. a gobelele.
Kitsogodimo le dikgono tse di kwa godimo. Mo thulaganyong e baithuti ba kereiti ya 12 ke bona ba tla tlamelwang ka kitso le dikgono tseo mabapi le setlhangwa sa terama.
raMoopaMpa: Tlogela tseo. A re lebelele tsa rona.
MaLebye: Ke a go tlhaloganya. Ke a go utlwa.
MaLebye: Ba tlogele ba dire ka fa thatong ya bona. Di tlogele di gole mmogo, re tla di bona motsing wa kotulo.
raMoopaMpa: Ke santse ke tsena mo ntlong, ke go fitlhele foo. (O tsena mo ntlong) Mogatsaaka, ke sa ntse ke sianela fa White City.
sara:(Fa a ntse a phepafatsa setupu, o bona motho a robetse mo segotlong sa gagwe e kete o sule. A latlhaganya boratšhe, a sianela kwa ntlong) Rra wee!
Tshwetso e a e tsereng ga e ntle, ga e botlhale.
Nkefi: Ke mang?
MoreMi: O a itse o ntshositse. (Ba a tshega) A re tsamae. (Ba tsamaya ba ntse ba bua.
MoreMi: Ka gore dikolo di a tswalwa mo bekeng e e tlang, ke bona gore re mo letle gore a ye gae o tla bowa fa di bulwa.
LENANEO LA DITENG TSA SETLhANGwA - MATSAPA DI A TSAyA KAE?
MokhoNto: Ke ne ke tlhasetswe ke dinokwane. Di ntseetse gotlhe fela. Terekesutu e ke e apereng e, ke ya ga rre yo.
Rra, re mmone.
MoreMi: Nnyaa, o a bua. Ditlhwatlhwa di ya godimo letsatsi le letsatsi.
setLhoNtLhoro: O kae, le mmone?
2.1 "Pula e le fa e ntse e sarasara" =Pula e na ka go se gatelele.
NtLhoiseNg:Ba ya go mo tlhola ka fa ntlwaneng ya baeng. Ba mo fitlhela a nyematlhane mo setulong.
1.8 O bitsa mongwe "mosimane" goreng a mmitsa jalo?
3.1 Matsapa di a tsaya kae?
2.4 Bolela leina la mosetsana yo go buiwang ka ene mo mmuisanong wa 1.
MafeNya: Ee, morwarra! Wena, Nkefi le Ntope lo ne lo ithutela borutabana kwa Heberone mmogo. Ke solofela gore fa wena o ka mo lemosa se maikaelelo a me e leng sona, ka gongwe a ka busa mogopolo.
dikobe: Ke lekile, ke paletswe. Lekgarebe fa le raya lekau le re ke sekoropolapa, o itse gore go thata. Mogolole, ke lela le wena. Ga a go bee gope. Fa a go lebile, ga a bone motho.
raesebo:(O bua ka pelo) Tsamaya mogatsaaka! Lekase la gago le ganne go tsena ka lebitla, lebitla le bile la atlhamololwa gape. Ke itumela fa o tswetse fa lelapeng la gago.
NkeLe: (O bitsa Raesebo) Ngwanaka, kgang ke e e mo tafoleng.
3.4 Go bua mang mo mmuisanong wa 1?
Mafokomagolo a a rweleng mooko wa potso.
NNaNiki: O gopotse sentle, e bile o tsamaya ka moso. A re o tla bowa fa morago ga matsatsinyana.
raMoopaMpa: Ga le a tshwanela go iketla fa pele ga ntlo ya me. Mphodi o nna ntlo ya bone go tloga fa, ke eng le sa ye kwa teng?
Badiragatsi/batshameki Batho ba ba diragatsang mme ba tsweletsa ditiragalo tsa terama ke badiragatsi. Ga ba anele, ba diragatsa ka ditiro le mmuisano.
2.8 Tshwaelo ya gago ke eng mabapi le tlhagiso ya dipotso tse pedi tse di simololang mo puisanong ya 4?
dikobe: A re bo tlogele morwarra, e bile bo re senyetsa madi. Ntšwa e bile ga e bonwe. Modimo ga o fe ka letsogo. Ka letsatsi lengwe, o tla nna le mosadi yo o go ratang. Nkefi o tla bo a go batla. Tlholego o ka se e ganetse, fa e go bitsa, e a go bitsa.
1.5 Mmui, o kaya gore ba tswa go saena/ba tswa go nyalana semmuso.
Legae: Ngwanaka, e tla re fa ke tloga mo Gouteng mo, ke boela gae, ke ka se tlhajwe ke ditlhong go boela gae ke na le leino le le lengwe mo leganong. Ke ka se tlhajwe ke ditlhong go ipona ke tsamaya fa thoko ga setlhako. Ke batla go bona o tsweletse mo botshelong.
Motsenagare/Molotlhanyi ke modiragatsi yo o amanang le makoko a mabedi. A ka nna molotlhanyi kgotsa moagisi.
MoreMi: Ga ke go utlwe. Go reng o sa batle go thusa mooki?
Ka go buisa ka kelotlhoko bayokerafi ya mokwadi, baithuti ba tla tlhaloganya ditlhangwa tsa gagwe botoka.
Legae: Fela jalo. Mogatsaake o feditse le rraagwe ka dithulaganyo tsa bogadi. Se se utlwisang botlhoko ke gore e bile Ntshidi o tlotswe ke dikgwedi di le tharo. Tiragalo e, nna ke ntse ke sa e itse.
Moremi le ene a ka bo a thusitse Nomalanga le mooki Matlhare. Ba ne ba tlhoka go gakololwa.
MoreMi: (O a ikgakatsa) Nna! Ke ba tshaba?
Legae: Batho ba bararo ba, Ntshidi, mogatsaake le rraagwe. Kgang tsotlhe di mo magetleng a bona.
Legae: Ka gongwe ke a lora. A ke go utlwa sentle?
dikobe: Ke lela le wena. A o na le leano le ke ka go thusang ka lona?
NkitsiNg: (O emisa ditsebe) Abuti ga a robala gae Nnyaa, go na le mokgwa. Fa go le jaana, go dirweng?
Bokwadi: O kwadile poko, dikhutshwe, terama le dikinane. Fa re bua jaana o tshwaragane le go kwala padi a le mo boikhutsong kwa Cullinan.
Ba ne ba tshameka mmogo maiphitlhwaphitlhwane, diketo le metshameko e mengwe. Mosimane Sello Mokua o ne a ya go nna kwa Gauteng. Teng a rekisa matokomane le dimonamone, kwa diteišeneng tsa Merafe, Dube, Phomolong le Westgate. Ka boLamatlhatso o ne a ya setediamong sa Orlando.
Lokwalotshelo lwa mokwadi, Rre S.S Mokua.
1.2 Go ya ka mmui, "go tsaya semolao" ke fa go dirwa eng?
MatLhare:(O a tshegatshega) Matlho a me a ntse a baba. A baba a batla go bona batho ba ba tshwanang le lona.
MatLhare: Batho ga ba tshwane. Nna ke Matlhare. (O bua ka bonolo) Ga se gore le fa ke le mooki, ke tshwana le baoki ba bangwe. Ke a go kopa gore o buse pelo, ke tla go tshola jaaka ngwana wa lelapa le.
tsheko:(O bua le Ntlhoiseng) Go na le sengwe se se ntshwenyang mo moweng.
Badiragatsi ba palo e e potlana ba ba sa lelefatseng ditiragalo.
Ba arogantswe ka makoko.
MafeNya: (O bua a tshweyegile) Monna Dikobe, ke mo mathateng.
MotLagoMaNg : Mosadi wa ga Ntope.
dikobe: (O a imakatsa) Mmabontle O raya mang?
MoNyaNa: Kgabele ke ngwana wa lelapa le, re tshwanetse go mmolokela fa.
raMoopaMpa: Ntlo ya bofelo mo mmileng e bile e le gaufi le naga, ke mathata. Mothaka yo mongwe ke mo fitlhela a iketlile le mosetsana wa ntlo ya bone go tloga fa. Ke mo reile ka re a se ka a tlhola a emisa fa.
Tiro: Mokua o dirile kwa moepong wa Bafokeng North. Ke Morutabana. O rutile mo dikolong tse di latelang: Sekolosegolo sa Bafokeng, Sekete mo tikologong ya Rustenburg. O simolotse go ruta kwa sekolosegolong sa Moletsane ka 1984 le jaanong o santse a le foo.
Lephodisa sebeka: (O ntsha sepatšhe sa madi mo kgetsaneng ya mosetsana wa Morwa.) Thekete e, ke ya terene, e tswa kwa Kapa e ya kwa Gouteng. E kwadilwe Ntshidi. A ke wena Ntshidi (O mmotsa a mo tsentse matlho)?
Ba tshela namoneite.
NkitsiNg: Goreng o sa robala mo bosigong?
Sekoropolapa: Ke lesela le le dirisiwang go phimola metsi le go phepafatsa mo fatshe.
1.3 Bolela mmui wa mmuisano wa bobedi?
raesebo: O tsamaye sentle.
raMoopaMpa:(O bua ka pelo) Ke nna monna fa. Ke tshwanetse go ya go bona motho yole. (O a mo atamela, a betile pelo. O a mo lebelela a ba a mo kgotlhokgotsha) Hee monna!
MokhoNto: (O tsena mo koloing, Ramoopampa o e gata mafura.) O se ka wa e gata thata, ke nna ka fa mmileng o o latelang.
Tharaano: Kgato ya poloto ya terama e mo go yona Kgotlhang e golelang pele. Go thatafala ga kgotlhang.
raMoopaMpa: Mothaka yo, o a nnyatsa.
koNti: O tla tsamaya le mogatsaake le mosetsana, nna ke ya fa gae.
O ba lebela kwa tlase, a re ga se ba maemo a gagwe, o na le madi, rragwemogolo ke kgosi jj.
3.2 Kgotlhang ya terama e ke efe?
MafeNya: O tlhaga ntlha efe?
1.7 Mmui ke Raesebo.
Ka ntlha ya fa teramakhutshwe e le khutshwane mme ditiragalo di kitlane e bile di siana ka lobelo, dikgato tse di kailweng tsa poloto ya terama ga di senoge sentle bonolo.
Boitapoloso: O tsaya maeto go ya mafelong a a jaaka Durban, Cape Town, Botswana jj. O kile a fofela Spain le Portugal. O opetse mo khwaereng ya kereke ya gaabo ya Pentecostal Holiness.
Legae: Le tshwanetse go ba le tswa kwa go Ntshidi. O saletswe ke dikgwedi di se kae a bo a apara purapura.
MaLebye: Mogolole, fa o ka ntshwela pele, ke tla go boloka. Re setse re le babedi, ke nna rraago jaaka le wena o le rre.
Nkefi: Thuso fa ke e batla, Ntope o teng.
NkitsiNg: Intshwareleng Batlhalerwa. Tsie e fofa ka moswang.
tLhapi: Rra, ga ke go tlhaloganye. Ngwanake o kwa Kapa. Ke solofela a le mo tseleng go tla losong lwa ga rraagwe. Sala sentle! (O baya mogala fa fatshe) Motho yo, o a tsenwa. (Fa morago ga ura, ga tsena maphodisa a a tswang kwa seteišeneng sa maphodisa sa Jabulane.
Tatelano ya ditiragalo e na le mabaka a a e tlholang mme e bidiwa poloto. Poloto ya terama e tsamaya ka dikgato.
MoreMi: Mogatsaaka, e le ruri, batho ga ba tshwane. Nomalanga o phuthile mme go feta ngwana wa ga mmangwane.
dikobe: Kotsi ya sejanaga. Ke bua jaana a le kwa bookelong ba toropo ya Tlhabane. Fa ke riana, ke mo tseleng go ya go mo lekola. Ga twe go tsenwa ka ura ya bosupa.
3.1 Matsapa di a tsaya kae?
raMoopaMpa: White City (A botsa ka kgakgamalo) Mo Porotiya o ne o batlang?
sara: A ke lebaka leo?
Ngwana wa ga mmangwane o nkutlwisitse botlhoko gore a tlogele mme a le esi. NNaNiki: Go ntse jalo, batho ba losika ga ba tshepagale.
MoreMi: Ke yona e ke e batlang.
Legae: Ke tsona tse ke sa di batleng tseo. Ka gore ke le yo mogolo, ke a pateletsega go ka go sutela.
raesebo: Le jang?
raMoopaMpa: Go ka se nne jalo. Dintšwa tsa me ke ditau.
raesebo:(O bua a lebeletse mme Mmatšhatšhi) Mme Mmatšhatšhi, o motsadi wa me. O mme ka gore o mmatsalaake, Ke a go tlotla. Ga ke eletse go go utlwisa botlhoko. Fela, ke rata ke go gakolola gore mosadi ke wa me. Ke ntshitse bogadi ka pelo yotlhe ya me. Ke tswa kwa Mmagiseterata le Kgabele. Ke na le setifikeiti sa lenyalo mo ntlong mo. Seo se kaya gore mosadi ke wa me. Fa o ntse o gatelela gore o batla setopo sa ga mogatsaake ke tla go tshwarisa. O tla iphitlhela o le fa morago ga ditshipi tsa kgolegelo fa o tshwanetse go boloka morwadio.
3.2 Baananelwa ba tlhagelela mo terameng?
MMauwaNe: (O simolola go emisa ditsebe) Heela mosetsana ke wena! A kgang e rre a e buang e, ke nnete!
Nkefi : Barutabana ba ba rupileng mmogo.
Nkefi: (O tsosa tlhogo, o a nyenya) O kile wa bona kae ngwana yo o kana ka nna?
MoNyaNa: Rre Mosime o rile re se ka ra tshaba go tlhopha le re le ratang, inšorense e tla duela.
MMauwaNe: Ke ne ke mo romile kwa Naledi mo maitsiboeng. O tlhaga a lomilwe ke ntšwa.
dikobe: Mothaka yole o botoka. Letsogo la gagwe ke lona fela le le tlileng go mo tshwenya, segolobogolo ka gore ke le a kwalang ka lona.
dikobe: Dipuo tsa re ga a gobala thata. Kotsi ya sejanaga ke matsodimatsoke. Bangwe ba kgona go tswa mo sejanageng se se senyegileng, bona ba sa gobala. Bangwe ba bolawa ke letshogo fela.
NtLhoiseNg: Ke eng?
(Go Labotlhano bosigo, letsatsi pele ga phitlho. Go tsena Tshenye go tswa kwa Mabopane).
1.9 "Ka dipampiri," mmui o kaya eng?
NobutLhe:(O eme a itshwere seledu.) Gompieno e tlile go tshologa. E tlile go pumpunyega le fa go se maru mo loaping. (Ba a tshega.
MatLhare: (O koma ka tlhogo.) Ke nnete.
Jaanong ke ena a yang go bolawa ke tlala.
Matsapa di a tsaya kae?
MoreMi: Ke maswabi go go bolelela gore ka ntlha eo, tiro e fedile. O ntiretse ka bopelotelele ka nako e telele. Ke ne ka go batlela tiro mo mmileng yono wa rona.
Ya botlhano: "Metlholo ga e fele." Dilo dingwe tsona di tlhagela batho ka tsela e e sa tlwaelegang, e e sa amogelegeng. Tseo e a bo e le mathata. Fa metlholo e sa fele ke go re mathata a mantsi. Lesedinyana le le tlhagisitsweng fano ka ga setlhogosegolo le ditlhogwana tsa diteramakhutswe, le tla nna kgogedi go babuisi le basekaseki e leng baithuti ba kereiti ya 12. Ba tla rotloetsega go buisa le go senola 'matsapa' a a leng mo ditlhangweng tse le gore a bakwa ke eng. 'Bothata' mo terameng ke ntlhakgolo. Ga go na terama fa 'bothata' bo se teng.
NkitsiNg: Ke tsamae le wena kae?
Letsatsi ke la Tshipi, Ntshidi o tswelwa ke bogadi.
tLhapi: Rra, bogadi ba ga Ntshidi, bo tshwanetse go tswela kwa gae kwa Mmitolente, mme bo tsewe ke rre.
Go tlhalosa setlhogo, gore ka tlhaloso fela, baithuti ba kgone go nna le ponelopele ka ga diteramakhutshwe tse di yang go sekasekwa. Go lemoga gore di ama jang matshelo a malapa, lenyalo, diphitlho le maitsholo a bagolo ka kakaretso mo mererong e e kailweng.
tsheNye: (O a lela) Ijoo! Ijoo mmawee! Le se ka la nthaya la re nnake o tlhokofetse! Ke a mmatla nna! Ijoo! bathong wee! Kgaitsadiake o batlile a bolokwa ke sa mmona, ke sa itse!
NobutLhe: Rra, o buile go ka tlala seatla. Nomalanga ke solofela fa a utlwile. Nna ke fano ke le motsadi wa gagwe.
tLhapi: Bogadi bo ya go amogelwa ke mang?
raesebo: O tla fitlhela re go letile ka moso, fela ga o a re neela nako.
tLhapi: Ga ke a bona boroko maabane. Ga ke a bo bona.
MosiMe: O a e lebelela. (Ba bontsha mong wa mmotšhari) Go fedile jaanong, re ka boela gae. Inšorense e tla duela lekase. Madi a a setseng, a tla neelwa Raesebo. (Ba goroga kwa gae. Fa ba sena go fologa, Mosime a tlhabela pele).
NNaNiki: Ditsala tsa gago fa di ka tsena fa jaanong, o tla abo o ntlogela, o ba tshaba.
MoreMi: Nomalanga kgaitsadiaka, o amogetswe ka tsoopedi mo lelapeng le. Ke go bitsa kgaitsadi ka gore ga ke batle gore o itseye jaaka modiredi kgotsa mmelegi. Ke batla o itseye jaaka o le mothusi le ngwana wa lelapa. Phuthologa, wela makgwafo, o fa gae. Fa o na le selelo, re itsise. Nna le mosadi yo wa me, Nnaniki re tshwanetse go nna batho ba ntlha ba go itse mathata a gago. Mathata a gago ga re a tshwanela go a utlwa kwa mmileng kgotsa kwa ntlong e e bapileng le ya kwa gae.
MatLhodi: Maabane fa ke le mo thekising, ke utlwile kgang e ke sa e rateng. Tota e ntlhabisitse kgala.
sara: (O forogotlha mogatse tlhogo) Rra, re tshwanetse go fuduga fa.
NkitsiNg: Intshwareleng go le kgaoletsa kgang. (Ba a mo lebelela). Ithuthufatseng magalapa, e tle e re le ntsha a metlhagare, a se ka a tsenwa ke serame.
MafeNya: Ba re o dirang?
1.8 Go bitsa mongwe 'mosimane' jalo, mo kgannye e ke sesupo sa gore yo o buang o mogolo ka dingwaga mo go yo o bidiwang 'mosimane'.
Legae: (O a le buisa, o ntse a thikitha tlhogo. Fa a fetsa go le buisa, a kona tlhogo) Go senyegile.
Legae: Maikaelelo a me e ne e le go ka bo busa, fela ka gore ga bo ke bo busetswa morago, ke tla bo bulela mojako gore bo tsene.
MMatšhatšhi: Ke sona se ke se buang seo.
1.1 Se se diragetseng morago ga kamogelo ya lekwalo go tswa go "MATSUKAS".
raMoopaMpa:(O ya kwa koloing. O kokota fa letlhabaphefong) Dumelang!
MaNaiLa:(O tsena mo sejanageng, o a se dumisa) Sala sentle rra!
Botsalo: Sello Mokua ke ngwana wa bobedi wa ga Rre Molefi le Mme Shadimme. O belegetswe kwa Chaneng mo tikologong ya Rustenburg, ka la 09 Phukwi 1955. Bo morwarraagwe ke Mmaphefo, Polly, Joyce, Mouna, Dali le Tshidi.
MoreMi: Ke rona ba, ka gongwe matlho a gago a tla tlogela go baba. Ba a tshega.
MafeNya: O kae ene mothaka yoo?
Seo se bontsha bomolemo jwa gagwe le bopelotshweu.
MoreMi: Go reng?
Mokwadi wa diteramakhutswe tse ke mang?
1.1 Matsapa di a tsaya kae?
MoNyaNa: (O tla ka metsi, o mo tshela mo sefatlhegong) O tla rarabologelwa. Fa go lela monna wa bana ba le bararo, go senyegile.
MatLhodi: Basadi ba bangwe ba ke sa ba itseng ba ne ba bua ka morutabana yo o rutang le lona.
NobutLhe: Ga ke go dumele. Banna ba gompieno fa o ka mo raya wa re a go thuse go tlhatswa, o tla utlwa a re ga a batle go apeswa jase.
NobutLhe: Mmelegi! Le mmatlela ngwana yo o kana kang?
raMoopaMpa: Monna, o bewa ke eng mo segotlong sa me e bile o sa apara?
Mokgwa wa go araba dipotso ka go tlhamalala e seng go dikologa le go ya lolololo.
setLhoNtLhoro: (O phutholola buka) O teng. O teng mo ditopong tse le neng le di tlola tsele. (Ba a lebelelana) Tsamayang kwa setopong sa palo ya 108, le se lebelele. (Ba a nanoga, go ya kwa ditopong. Ba goroga fa go sona.
1.4 Go tsena motho ganong ke go dira eng?
Dikobe ke ena a tlang ka mafoko a kotsi e e tlhagetseng Ntope.
sara: Goreng o sa di...
O mo netefaletsafa lefoko e le la gagwe, botlhe ba tshwanetse go utlwa ka ene.
MMaMoreMi: Le a tshwenya banaka. Le tswa kwa ga lona kwa, le tlela kwano go re tshwenya.
tLhapi: Nnyaa! Ga se jalo.
MafeNya: (O ingwaya tlhogo) Ga ke na boroko. Fa o mpona ke riana, ke rata mosetsana a le kana ka Nkefi. Sebe sa phiri ke gore o a nkgana. O gana nnang wa banyana.
NNaNiki: A o gopotse gore motho o ka mmona kae?
MaLebye: Ke tshwanetse go ikopa gore ke ye go netefatsa puo e. (Malebye o a ikopa. O sianela kwa mmotšharing. O fitlhela go diragatse fela jalo) Ke setse ke le esi! Motho yo ke neng ke mo tshepile, o ile! (Go Labotlhano motshegare, Ntshidi o tswa kwa Kapa. O fologa setimela kwa De Aar, go palama se se tlang Gouteng. O na le ditsala).
MatLhare: Nomalanga, ke ne ka kopa rre Moremi gore o ka tla go nthusa ka gonne tiro ya gago e fedile kwa ga gagwe. Tota re ne re sa eletse fa o ka boela morago ka ntlha ya gore kwa o neng o lema teng, go kotutswe.
3.11 Naya leina la Mogapatiro le Mokganatiro mo terameng e.
NkitsiNg: Ke ikutlwa ke tshogile. Ga ke itse gore ke letshogo la eng. Ke tla tsamaya le wena. Nkemele pele ke iphimole. (O a iphimola) Re ka tsamaya.
Legae: Ke sale ke go gopola mo bekeng e e fetileng. Ke tliswa fano ke kgannyana e ke ratang fa o ka nkutlwisisa yona.
MaLebye: Ke tsona. O mo temeng.
setLhoNtLhoro: Jaanong le tla go mo tsaya leng?
MoreMi: Ausi Nomalanga, o mpaletse. Ke sala ke gola ke bo ke nna kana, ga ke ise ke bone motho a gana go twe o neelwa malatsi a boikhutso.
Legae: Ke kgarakgatshwa ke mogopolo. Ke sotlwa ke botshelo. Nyalo e a ntwatsa. Ke gopotse lefatsheng le ke sa le itseng.
NNaNiki: Re ka itumela thata.
MaLebye: Monnao le mogatse!
dikobe: (O thikhitha tlhogo) Morwarra, mathata O bua ka mathata a eng e le ngwaga wa ntlha o simololang go dira?
Malebye o a fenngwa mo kgaratlhong e mme bogadi jwa ga morwadie bo tswela kwa ga ratsalaagwe.
NoMaLaNga: Mma, ke maswabi go ka go itsise gore ke ka se kgone go ka go thusa gonne o le mooki. Intshwarele mma, ke ka se kgone.
Ditiro tse a di dirang.
MafeNya: (O emisa menwana e le meraro) Ga kana!
MatLhare: (O itumetse.) Heelang! Bathong! Dumelang tlhe!
MoNyaNa: Makase a mantsi, motho ga a itse gore a ka tlhopha lefe.
Pono ya bone Go mosong wa tsatsi la Lamatlhatso. Legae o goroga kwa ga gabo go ka e tšhotlhatšhotlha le morwarraagwe.
1.13 Ke nna ke laolang, lona lo tshwanetse lwa obamela molao fela.
tLhapi: Re a go lebogela ngwanaka. O dirile go ka tlala seatla.
Legae: Emang pele, ke e tla!
MoreMi: Kgaitsadiaka, o buile, go lekane. Ke go utlwile ka tsoopedi. Ka gore ke ne ke setse ke buile le mooki Matlhare, go botoka gore ke tsamaye le wena kwa go ena o tle o mo ipolelele. Ke gopola gore fa e le nna ke mmolelelang, o tla nagana gore ke gana o tla go mo thusa.
tLhapi: O se ke wa rialo! Ntshidi o falotse (Tlhapi o lebelela maina a ba ba falotseng) Ga a yo fa?
Bolela, tlhalosa, sekaseka, tshwaela, thadisa, neela le ranola.
Nkefi: Mafenya ke mmoleletse mo matlhong gore ga se wa maemo a me. Nna ke na le madi ame ga ke tlhoke sepe. Ntatemogolo ke kgosi mo Lehurutshe. Ke na le ntlo ya me.
NobutLhe: Rre Moremi, re neele metsotswana re dire mogodungwana ka fa khitšhing.
MatLhare: Nnang fa fatshe. (O a tshegatshega) Go tloga beke e e fetileng ke ntse ke okomela ka letlhabaphefo.
Ntshidi:(O a lela ka ntlha ya boitumelo) Ke ne ke utlwile gore di ya go gatiswa mo pampiring ka moso.
NtLha: Selo se ke botlhodi.
Ntshidi: (O bua a le esi) Legae la me le tlhakatlhakane. Ka gongwe ke kotlo e mme a e amogelang. Motho yo o neng a ntsenya sekolo, o ile. Ga ke itse gore purapura ke ya go e rekelwa ke mang. (Ntshidi o bitswa ke mosetsana wa Morwa yo o neng a eme mo polatefomong. O tlogela ditsala tsa gagwe) Ke etla, ke ya go utlwa gore mosetsana yole a reng.
Legae: Ke tsona tseo nnaka.
1.2 Tshwaelo mabapi le tshwetso ya ga Nomalanga ya go gana tiro.
MMatšhatšhi: (O bua a hutsafetse) Banaka, go diragetse. Ga go ka mokgwa o tiro e, e ka busetswang kwa morago ka gona.
dikobe: Kgaitsadiaka, botshelo jo, leotwana, bo a dikologa. Itse gore go na le nako ya bonyana, nako ya bokgarebe le nako ya bogodi. Nako ya bogodi e felelela e le ya botsofe. Fa nako ya botsofe e gorogile, e batla gore o be o na le batho ba ba ka go tlhokomelang. O tla tlhokomelwa fela ke bana ba gago. Bokgaitsadio le bomogoloo, ba tla tlhokomelwa ke bana ba bona. Nako eo fa e gorogile, ditšhelete tse di tletseng mo ntlong, di ka se go direle sepe. Go batlega lorato lwa motho, lo lo bothito go ka go gomotsa. O ka swela mo ntlong, wa bolela mo ntlong, batho ba bitswa fela ke monkgo o o tswang mo go yona, tšhelete e le teng mo ntlong.
tLhapi: Go jalo rra! A go na le sengwenyana?
sara: Motho o swetse mo segotlong sa rona. Tlaya o bone! (Ba a kologana, ba itlhaganetse) Motho ke yole.
Legae: Fa wena o ka bo o le mo ditlhakong tsa me, o ne o tla dira eng?
raMoopaMpa: Ga go tlhokafale gore o emise koloi fa, ka gore ga o a tla mo ngwaneng wa me. Tlogang fa, o se ka wa tlhola o emisa sejanaga sa gago fa. Tlhabela pele!
Badiragatsi/batshameki: Batsayakarolo mo ditiragalong tsa terama.
sara:(O bua ka lentswe le le roromang) Gompieno gona, toronko ke ya rona. Re ya go seka.
setLhoNtLhoro: Ga ke re ntirele motlhala, ke batla sefane sa gagwe.
tsheko: Ntshidi o sale a bitswa ke mosetsana yo o emeng fale. Ke eng a sa bowe?
2.2 Tlhagisa ka dintlha di le sometlhano (15) fela, puisano ya ga Dikobe, Mafenya le Ntope, go fitlha losong lwa gagwe.
Legae: Mabapi le bogadi...
tsheko:(O tshogile) Tse, ga di kana ka rona. A re bitse maphodisa.
Go jewa ke bodutu: Go nna go sena motho yo o ka itumelang le ene le dira ditiro dingwe mmogo.
(Ba a tswa. Ba tsamaya ba ntse ba bua mo tseleng.) Fa e le gompieno gona, re rogilwe ke ngwana wa maabane.
1.11 Ba na le dikgwedi di le tlhano ba nna kwa setsheng sa bona.
Legae: Bagaetsho, ga re a le biletsa sepe se se seng monate. Ke ne ke begela morwarre gore ke tshwanetse go mo sutela. Nna le mogatsake fa, re bone borobalo ka fa Naledi. Ke bone gore re tswe go sa ntse go le monate.
MoreMi: Ke mooki.
Lephodisa sebeka: (O bua a gatelela mafoko) Heela mosetsana ke wena, o dirileng ngwana yo mongwe?
O ne a ise a direle mooki, mme a setse dilo mo mebileng.
O ne a natefetswe e bile a gana go newa malatsi a boikhutso.
Fa morago ga beke, Nobutlhe o goroga le moeng kwa ga Moremi.
raMoopaMpa:(O bula lebati) Ahee! Ke ka le thusa?
tLhapi: Ke kopa gore o tsamae le nna. O tsamae le nna!
MoreMi: Mm! Ke a utlwa.
Fa ba buisitse, ba tlhalogantse ke gona ba ka tsenang mo tshekatshekong ba dirisa ditheo tsa tshekatsheko ya terama, bogolosegolo ya teramakhutshwe.
NkitsiNg: A o ne o lapisitswe ke tiro ya Sontaga?
dikobe: Moleta ngwedi ke moleta lefifi. Jaaka o setse o mpoleletse gore o paletswe go le kana kang, le nna tota ke lekile, ke paletswe. Go botlhokwa gore o se ke wa ipolaisa pelo. Ga se ene fela. Ipatlele yo mongwe.
raMoopaMpa: Ke simolola go bona motlholo o o jaana. E le gore fa o le ntlhwa jaana, o nna kae?
raMoopaMpa: Mosetsana yo, ke mmone maitsiboanyana a eme dikgato di se kae go tloga fa lobotaneng lwa me. Pula e le fa e ntse e sarasara, mosimane mongwe yo o nnang mo mmileng o, o ne a mo okame, a mo ngaparetse jaaka borekhu bo ka ngaparela motho diatla. Ka nako e ke neng ke batla go bofolola dintšwa, mosetsana yo, le lekau la gagwe, ba ne ba nkgoreletsa. Fa letlatlana le tshwara, ke ne ka tlhola gore a ga go ope gaufi le lobotana, go ne go se ope, ke ka moo ke ileng ka di bofolola. A ga go jalo mosetsana?
sejeNe MpoNiNi: Mma, ke rata go ka bua le mme Tlhapi.
Mosetsana yo, ke mmone maitsiboanyana a eme dikgato di se kae go tloga fa lobotaneng lwa me. Pula e le fa e ntse e sarasara, mosimane mongwe yo o nnang mo mmileng o, o ne a mo okame, a mo ngaparetse jaaka borekhu bo ka ngaparela motho diatla.
leng tse di rarabololang kgotlhang.
NkitsiNg: Rra e tshware jalo.
tLhapi: Mogatsaaka, ga se kgetse e potlana, go bokete, ke kgetse ya tsie. Jaanong rra, maikaelelo a gago ke eng mabapi le bogadi jo bo emeng fa kgorong?
Ya ntlha: "Matsapa dia tsaya kae" Matsapa mo terameng e a bakwa ke fa Tlhapi, mogatsa Legae a re bogadi jwa morwadiabone bo ye go tswela kwa Mmitolente mme bo tsewe ke rraagwe?
MokhoNto: Ee rra, a re tsene! (Ba a tsena) Koko!
raMoopaMpa: Re seka eng?
MoreMi: Bakwena re tshwerwe ke ditiro tsa sekolo. Re kopa tsela.
NtLhoiseNg: A re ye go mo tlhola. Setimela se tloga se mo tlogela. Ba a nanoga.
MaLebye: Ke eng?
tLhapi: (O a kokota) Kokokoko! Ke ura ya borobedi, o sa ntse a robetse! Ka gongwe le ene o ngaletse fa rre a tsere bogadi!
Mafenya ena o kgothatsa ka gore: "Modimo o teng, o tla fola."
MoreMi: E seng ba botlhe, ba bangwe. Mme fela mo lebakeng le, ke bona go le botoka gore re batle motho yo o tswang kgakala.
MoreMi: Ke tshwanetse go go neela madi a gore fa o ka mo fitlhela, o mo duelele mo dinamelweng.
tLhapi: Rra ke go utlweletse. Molaetsa ke ofe?
dikobe: Ke gopola malatsi a maloba. Malatsi a maloba kwa Heberone.
raMoopaMpa: Molato! Molato wa eng?
MATSAPA DI A TSAyA KAE?
MosiMe: Loso lwa motho yo o kalo, le botlhoko e le ruri. Mo matsatsing ano, go tsamaya bašwa, go sala bagolo.
O akanya le go itshwaetsa mowa ka botlhale.
raesebo: Ke kgang ya eng?
Fa morago ga dingwaga di le nne, Mafenya o iketlile le mogatse.
MoreMi: Nomalanga, kgang ke eo. Re eletsa go utlwa gore wena wa reng.
o di itimang.
tLhapi:(O a tlola) Ijoo, bathong! Ngwanake ke morutegi. (Go tsena Ntshidi) Ngwanake o falotse!
sara: Mathata ga a fele.
Lephodisa sebeka: Ee, mma!
Go tlogela go okomela mo nkgong: go tlogela go rata bojalwa.
Maduo a a abetsweng potso.
dikobe: Mongwe o lela ka wena.
NoMaLaNga: Nnyaa mma, ga go jalo. Ga ke ise ke thuse mooki.
Terama ke setlhangwa se se tlhametsweng go diragadiwa.
ngangisano: Ntwa ya badiragatsi mo terameng.
sebeka: Thipa e e tletseng madi e, e batlang mo kgetsaneng ya gago ya borukhu?
Ba ntshetsana a metlhagare: Go itse go tshegelana le itumelelana.
NkeLe: Ga ke na thata epe mo godimo ga setopo sa ga Kgabele. Ke laolwa ke monna wa gagwe, Raesebo. Raesebo a re phitlho ke ka Lamatlhatso.
NNaNiki: O a tshameka wena! E tla a re o tswa tirong, wa fitlhela ntlo e se na sepe, a fudugile ka thoto.
MoreMi: Thusano e nna teng fa go le kutlwano mo lelapeng.
MaLebye:(O a tlola, o a duduetsa) Ijoijoo! Abuti o a nyadisa! O godisitse! O setse o le monna wa banna.
Raesebo: Bagolo ba me, ke a le leboga. Sa me selelo se tla fokotsega. Tsa me dikeledi, di tla phimoga. A me maikutlo a tla okobala. Mogatsaake, o tla tswela mo ntlong e e leng ya gagwe. Ntlo ya gagwe e ne e sa mo tlhabisi kgala fa a tshela. Ga e kitla e mo tlhabisa kgala fa a tswela mo go yona fa a didimetse. (Go tsena rre wa inšorense) Rra, o amogetswe.
NNaNiki:(O tsholetsa lentswe.) Motho wa kwa kgakala Fa go le jalo, o tshwanetse go itse kwa ga gabo pele o ka mo tsaya?
NkitsiNg: (O bua a le esi) Abuti o lebega a sa itumela. Ga ke itse gore go a bo go senyegile fa kae Le fa gotwe monna ke nku o lelela ka fa gare, ga se tsona. Abuti o a fela. Ga a tlhole a tshwana le maabane botshelo ba lenyalo bo sa le bošwa. Ke mo utlwela botlhoko. Rona basadi, re ditholwana borethe tse dibabang ka fa gare. Abuti o tlhokometse lelapa la gagwe. Morwadie o a fetsa kwa yunibesithing monongwaga. Re tla a bo re mo itumeletse?
MoreMi: Baeng ba ba lapisang ke ba metlapa. Rona ga re metlapa. Ke bua jaana, re tlogetse dikhai mo terateng.
MMatšhatšhi: Re tswanetse go boela kwa ga Nkele go mo itsise fa re fetotse mogopolo. Motlogolo wa me, o simolotse go dira mo ngwageng o o fetileng, ke gona a simololana botshelo. O na le dikgwedi tse di sa feteng tlhano a le kwa setsheng sa gagwe. Motho yoo, o ne a na le maikaelelo.
raMoopaMpa: Ga go sepe, ke di bofolotse.
raesebo: Katara e itewa ke nna, lona lo tshwanetse go bina.
MoreMi: Ee! Re tshwanetse go batla motho yo o tla nnang le ene.
A re Ntshidi ga se ngwana wa ga Tlhapi.
MaLebye: Ke eng e kete ga o a itumela jaana Kgotsa ga o a tsoga sentle (O mo tsenya matlho) Itumele, o tlile go amogela madi. Seelo sa bogadi se tshwanetse go bewa ke wena. Tiro yotlhe le thulaganyo ya yona e mo magetleng a gago. Bomalome ba tla utlwa ka wena?
MoreMi: Dinao tsa rona di tlwaetse lefelo le. Wena ke wena o sa itseng kwa re nnang teng. O sale o tla kwa teng motlhang pula e neng e tshologa. Ba a tshega.
sara: Dintšwa O di latlhelela nama fela, di a go tlogela?
NNaNiki: Go itumetse rona. O ne o le mmelegi yo o tshepagalang. O tshepagetse thata mo puong le mo ditirong tse o neng o di dira.
MafeNya: Re eletsa fa o ka fola. O tswe mo lefelong le.
sajeNe MpoNiNi: Go tshwanetse go tswa batho ba ba yang go tsaya setopo kwa De Aar. (Go tswa rre Seane le mogatse, gammogo le batho bangwe ba ga gabo Tlhapi ba le babedi ba leba kwa De Aar).
NkitsiNg: Ga se dikgang tse di bosula, e bile ga di monate. Ga ke itse gore ke ka di tlhalosa jang. Go monate go nna mmogo, go botlhoko go kgaogana. Re tlile go le tlhoka. Re tlile go le tlhwaafalela.
NkitsiNg: Ke sona rra. Kgosietsilemaabanebosigo.
Lemorago la tikologo le le lekanyeditsweng, le sa sutasute, le lekana le ditiragalo le kgotlhang e e rarabololwang.
NNaNiki: Di tshikhinngwa ke eng?
MosiMe: Bagaetsho! Ke tswa ke le kwa dikantorong tsa inšorense kwa Tlhabane. Ke lebogela go bona matshwititshwiti a a leng fano go tla go boloka kgaitsadiarona e leng Kgabele. Rona ba inšorense, ga se nako e telele re itse moswi Kgabele. Ke solofela fa e ka nna dikgwedi di le nne. Re tlile fano go diragatsa ditsholofetso tse re neng ra mo solofetsa tsona fa a ne a ikwadisa mo go rona. Dituelo tsotlhe, di tlile go tsamaya ka mo di neng tsa rulaganngwa ka teng. Re maswabi gore Kgabele a tswe mo lelapeng la gagwe le lentšhwa a ya kwa mabitleng.
Ba ba naya dikgakololo go kampana le baemakgatlhanong nabo.
MafeNya: Fa o ka ntirela jalo, ke tla itumela thata. Ke tla nona. Ke tla nna kolobe.
Nkefi: Monna Dikobe, fa o batla go rera, o tshwanetse go ya kwa kerekeng. O ntheretse go lekane. Thero ya gago, e mpherola dibete.
Ke nnete kgotsa nyaa?
Modiragatsi o na le semelo se se mo kgontshang go dira seabe sa gagwe mo terameng.
dikobe: (O bua le Mafenya fa morago ga phitlho) Sekolo sa rona se latlhegetswe. Ntope o ne a dira tiro yotlhe ya sekolo. Mogokgo ga a itse sepe ka tiro. Phatlha e e tlogetsweng ke Ntope, e tlile go bonagala.
MoNyaNa: (O lebelela tlhwatlhwa. O emisa menwana e le mene ya seatla sa molema le e le mebedi ya seatla sa moja.) Dikete di le nne le makgolo a a supang.
2.10 Go tsamaya fela gotlhe mo, mo go se nang maikaelelo ape.
Tsa thuto: Mokua o tsene sekolo kwa Tweelaagte, Chaneng, Moletsane, Bafokeng, Kholetšhekatiso ya Hebron, kholetšheng ya Soweto le SACTE. O lekile go dira dithuto tsa Unibesithi mme ga a ke a di wetsa ka ntlha ya mathata a a neng a nna nao.
Badiragatsi ba ba botlhale, ba ba rarabololang kgotlhang ka bonako.
Legae: Nna ke ne ke gopola go tsaya bothale ke swaetse molala wa me.
raMoopaMpa: Pula e a na fa ntle fa.
Buisa ka kelotlhoko mebuisano e e latelang, mme o itse go araba dipotso tse di tla latelang ka nepagalo. "Kana o sale o nkemisa ka ke ao O adimile ngwana, ga o a mo tsaya ka semolao" "Mmatšhatšhi nkgonne, ga se keletso ya me go ka seka setopo.
MatLhare: Rre Moremi o lekile go ka nthusa, ke a go leboga. Ke lebogela matsapa a o a tsereng go ka buisana le ene le gore o be o mo tlise fa. Rra, ke tlhapa diatla. Se nkganang se nthola morwalo.
NoMaLaNga: Batho ba ba thusang baoki, fa ke ba bolelela gore fa go le maruru wa re ke ithobalele, ba a gakgamala.
NoMaLaNga: Rra, o se ka wa nthaya wa re tsala ya me Mmamoremi o re tlogetse.
MoNyaNa: Le siame.
MMatšhatšhi: Ngwanaka. Monyana, dikgakololo ke tseo. Ga ke itse gore wena o di bona jang.
OBE Baithuti ba tshwanela gore kwa bokhutlong jwa thuto ba bo ba ka bontsha phitlhelelo ka go senola bokgoni mo go se ba se ithutileng. Mametlelelo eno e ya go tlamela moithuti ka magonego a tshekatsheko, ka tiriso ya dipotso le dikarabo.
NNaNiki: Bana ba rona ba tlhola le mmatswale. Mmatswale ke motho yo o tshwenngwang ke malwetsenyana a a sa reng sepe.
NobutLhe: Fa morago ga matsatsi a le mabedi ke tla bo ke ya kwa Komatipoort. Ka gongwe ke tla mo fitlhela kwa teng. Fa a seyo, ke tla tlola molelwane, ga go kgakala.
Legae: (O a le bula) "MATSUKAS" Jaanong "Matsukas" ke mang?
sebeka: O bua le lephodisa Sebeka ka mo seteišeneng sa De Aar. Mosetsana yo o bitswang Ntshidi Kgosietsilemaabanebosigo a ke ngwana wa gago?
tLhapi: Legae o sale a ya tirong maabane, ga a bowa. O simolola go robala nageng.
dikobe: (O a tshegatshega) "Yes ngwana!"
tLhapi: Toro ya gago ga e monate, e nkutlwisa botlhoko.
koNti: Ee rra, re tlile mo go wena.
Botsala jwa nnete bo senotswe ke mmuisano o.
MoreMi: Ke lekile thata go buisana le ene pele re tla kwano, o ne a mpalela. A gana nnang wa banyana. Ke ka moo ke neng ka bona go le botoka gore ene a tle go go ipolelela.
1.6 Kgabele ke mogatsa Raesebo, ene yo setopo sa gagwe se lwelwang.
MatLhodi: Mogatsaaka, ke bona go le botoka gore re fudugele kwa Mmabatho.
MoreMi Le (Ba a tshegatshega) NNaNiki: Re itumetse. (Ba a mo dumedisa.
MMatšhatšhi: Re tshwanetse go ya go itsise Nkele ka ga se re se gopotseng.
NkeLe: Ngwana, o tshwanetse go tswela fa.
MoNyaNa: Heela mosimane ke wena, motho yo o buang le ene yo, ke mme. O tshwanetse go tlhopha mafoko a gago.
Baemanokeng ba tshegetsa badiragatsibagolo.
Motho yo le mmatlang, a nne yo o kana kang?
Go nna mosupatsela go barutabana fa ba tataisa baithuti.
MoreMi: Mm! Re ka kopa Nobutlhe gore a re batlele motho kwa ga gabo, kwa Komatipoort.
MMatšhatšhi: Re neela ngwana mo diatleng tsa lelapa le.
Mokganatiro ke yo o lwantshang mogapatiro.
NoMaLaNga: Bagaetsho, ke itumeletse go ka nna le lona mo dingwageng di le pedi tse di fetileng.
MoreMi: Ka gore ga re dire sepe, re ka ya kwa go ene. Ba a tloga.
Lephodisa sebeka: Mma, ke lephodisa mo setišeneng sa De Aar. Tsweetswe! Ke kopa go bua le mme Tlhapi.
3.5 Naya semelo sa modiragatsi yo o mo kaileng mo go 3.4.
sepoNoNo: E setse e le bosigo, ke tshwanetse go tsamaya.
MokhoNto: Rra, o Mosamarea yo o molemo. O nthusitse. Ke a go leboga.
Pono ya boraro Ntshidi o ne a tswelela sentle kwa yunibesithing ya Kapa Bophirima. O mo ngwageng wa boraro wa lokwalo lwa B.A.
Kagego ya modiragatsi Modiragatsi o na le ka mokgwa o a agilweng ka ona ke mokwadi. O agiwa a newa semelo se se tla mo kgontshang go diragatsa le go tsaya karolo e a e abetsweng.
MotšhaNkaNe: Ga gabo motho go thebe phatshwa. O ka se ka wa tshaba gore ditsala tsa gago di go jele nala ka gore fa gaeno go se gontle.
Poloto: Tatelano ya ditiragalo dina le mabaka a a di tlholang.
Mosadi wa NtLha: Legae o tlhokafetse ka pelo e e botlhoko. Tlhapi o tshwanetse go ba a bulegile tlhaloganyo.
Mmuisano o, o senola botsalano jwa badiragatsi ba, e bile ba tshwarisana tsela go ya go lekola modirimmogo nabo.
MMatšhatšhi: Kgaitsadiaka, re lebogela dikgakololo tsa gago. Ngwana o tla tswela kwa ga gagwe.
MafeNya: Se nkganang, se nthola morwalo. Nna fa ke riana, ga ke a tsena gotlhelele mo nkgong, ke tsamaisa nako fela. Ke ka tlogela bojalwa nako nngwe le nngwe.
A moithuti o lemoga go siama/go sa siamang ga ditshwetso tsa badiragatsi?
tsheNye: Mm! ke ene, o ile. Goreng tiragalo e e ntseng jaana e diragaletse nnake Loso fa lo diragaletse batho ba bangwe, lo botlhoko, fela ga lo botlhoko jaaka lo ka go diragalela. Mabitla a Bobididi, amogelang kgaitsadiake ke yoo?
A KGOTSO ya Karolo B.
MafeNya: Pelo ya me e botlhoko ka gore ke itse mothaka yoo a siame thata. Mosadi wa gagwe ga ke a mo tlwaela, fela ga ke rate go mmaya molato. (Go utlwala dikgato tsa mongwe di tsamaya ka fa ntle. Mongwe o a kokota) Tsena! (Go tsena Dikobe) Ao! Ke wena!
NNaNiki: Mm! Go siame. O tshwanetse go ikhutsa. O tla mo itsise leng?
MafeNya: Fa ke ntse ke batlisisa, ke lemoga o le yo mongwe wa ba ba ka nthusang go rarabolola mathata a me.
MoreMi: E nne motho yo o nang le maikarabelo. E nne motho yo o tswang kgakajana.
NtLoNg: Ba bula lobati, ba a tsena.
Tsa lelapa: Rre Mokua o mo lenyalong la bobedi mme o na le bana ba le babedi e leng Muzi le Mosa. Mmaabona ke Phindile. Mosa o dira kwa United States of America. Bana ba lenyalo la ntlha ke Keitumetse le Shadimme.
NoMaLaNga: Go bua nnete, ke ikutlwa ke le fa gae.
3.8 Kwa gaabo motho go gontle/go siame ka dinako tsotlhe.
setLhoNtLhoro: Sefane sa gagwe ke mang?
2.5 Go ya ka wena, go ngaparelana ga bona go kaya eng?
Legae: Morwaara, ga se tiro e e bonolo. Go nale...
MafeNya: Kotsi Kotsi ya eng, o batla go ntshosa jaana?
Ke gona fa Malebye a bua ka khutsafalo a re: "Motho yo ke neng ke mo tshepile o ile!"
Morwadi: (Ka makgakga) O se ka wa mpotsa gore ke robaletse eng fano, ga o mpone gore ke robetse?
NobutLhe: (O emisa ditsebe) Thuso! Ke thuso ya eng e ke ka le thusang ka yona?
raMoopaMpa: Ke bosigo, ke tshwanetse go tsamaya.
MoNyaNa: Ke la me leo. A re fodise dinao, re tla ya ka letlatlana.
NNaNiki: Ga ke na dikgang, le ntsetse mafoko. Nomalanga, o amogetswe.
1.4 Go tsena motho ganong ke go bua ene a ise a fetse se a neng a se bua. /Go bua, yo mongwe le ene a ntse a bua.
tLhapi: (O bua ka lentswe le le kwa tlase) Hallo! Hallo! Lephodisa Ahee mma!
MoreMi: Fa go le jalo, re tshwanetse go ya go mmona.
O nna kwa lapeng la gagwe, gonne batho ba tla mo ja setshego fa ba mmona a diragalelwa ke dilo tseo.
Ntope fa a tlhagetswe ke kotsi ya sejanaga, Nkefi o tlhola nae kwa kokelong a sa iphitlhe.
NNaNiki: Ba bararo. Yo mogolo o na le di le thataro. Wa bobedi di le tharo. Wa boraro ke mmatswale.
2.8 Go molemo gore mmui a ise Seponono bookelong, gonne o lomilwe ke dintšwa tsa gagwe. Kgakololo ya gagwe e siame ya gore mosetsana a se tsamae masigo, go kotsi thata mo go ene, bogolo jang fa basimane ba ka se mo sireletse jaaka go setse go ntse.
NkeLe: Re e utlwile. O tshwanetse go tsamaya le yo mongwe wa kwa ga gabo Kgabele.
MosiMe: Lo se ka lwa tshaba go tlhopha, tlhophang lengwe le lengwe fela le le le batlang.
Go ne go se monate go bolelela motho puophaa! Mo matlhong jaaka a dirile, jaaka e kete o lwa nae.
MafeNya: Sejanaga se, ke sa ga Nkefi. Ke gore mosadi yo, o ya go felela kae O ineeletse monna wa mosadi yo mongwe, fa ene a gana banna?
raMoopaMpa: Re sekelang?
1.4 Mosadi ke wa me.
Araba dipotso go supa go tlhaloganya se o se buisitseng ka sekwalo, terama.
MaLebye:(O emisa ditsebe, boitumelo jole bo a fela) Ga ke go utlwe gore wa reng.
raMoopaMpa:O leba kwa bookelong. Ba goroga kwa ga gabo mosetsana mo bosigogareng.
raMoopaMpa: Go bosigo, a reyeng!
2.10 Tlhalosa lereo 'sasanka.'
MaLebye: Nnyaa, nnyaa! O se ka wa ba wa leka metlholo eo. (O bua a ema ka dinao) Fa o ka dira jalo, o tla bo o sa baakanya sepe. O tla bo o neetse Tlhapi boitumelo jo bo seng kana ka sepe. O tla sala a le mohumi. E tla re mo bekeng ya ntlha o bolokilwe, o tla bo a ya kwa diinšorenseng. O tla reka ntlo e ntle le sejanaga.
"Monna o bolawa ke se a se jeleng."
sara:(O bona sejanaga se eme fa pele ga ntlo ya gagwe. O bua a le esi) Jaanong koloi e, e emetseng fa kgorong ya ntlo ya me (O tsena mo ntlong) Rra, go na le koloi e e emeng fa kgorong, tsamaya o ye go tlhola gore ba batla eng?
dikobe: (O emelela mo setulong, o tloletsa leoto mo godimo ga sona) Ga ke go tlhaloganye. Ke ka kgona jang go go thusa mathata a gago ke simolola go go bona monongwaga?
MafeNya: Fa e le gore ga o a tlala, ke kopa go tsamaya le wena.
MotšhaNkaNe: Kgaitsadiaka, le tsamaya bobe. Dinao tse tsa lona di a baba.
<fn>SAPS. Framework.2009-02-26.tn.txt</fn>
Puo ya motho ke "karolo ya motho" ka mekgwa e mentsi; mpho ya tlholego ya motho yo mongwe le yo mongwe, e re tlhagisang ditsholofelo le megopolo ya rona, go tlhagisa dikakanyo le mesola ya rona, go sekaseka maitemogelo le ditso tsa rona, le go aga setšhaba sa rona le melao e e se laolang. Ke ka puo re dirang jaaka batho mo lefatsheng le le fetogetseng ruri. Tshwanelo ya go dirisa dipuo tsa semmuso tse re di ratang ka jalo e amogetswe mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo, mme le Molaotheo wa rona o amogela gore dipuo tsa batho ba rona ke didiriswa tse di tshwanetseng go somarelwa.
Ke motlotlo thata ka gore, morago ga thulaganyo ya ditherisano tse di tseneletseng, kwa bofelong re kgona go itsise letlhomeso la pholisi ya puo la Aforika Borwa. Se ke konotelo ya thulaganyo e e simolotseng ka 1995, fa ke ne ke supa Setlhopha sa Thulaganyo sa Puo (LANGTAG) go nkeletsa ka ga letlhomeso la pholisi le leano le le kitlaneng la puo. Kgato e e ne e le botlhokwa ka ntata ya go tlhoka go itshokelana ga dipharologano tsa dipuo, mme go nna teng ga "tiriso ya dipuo tse dintsi ke bothata jo bo tlhwatlhwagodimo" jo bo bonagalang mo maphateng a mangwe a setšhaba, le koketsego ya ngongorego go tswa go beng ba puo ka ga mokgwa wa tiriso ya puo e le nngwe mo Aforika Borwa.
Letlhomeso la Bosetšhaba la Pholisi ya Puo le ikaegile ka poelo ya thulaganyo ya ditherisano tsa rona, ka LANGTAG le ka maiteko a Lefapha la me ka tirisano le Phanele Keletso ka ga Pholisi ya Puo. Letlhomeso la pholisi le botlhokwa mo tsamaisong ya dipuo tsa rona tse di farologaneng le phitlhelelo ya mmuso ka maikaelelo a ona go tsweletsa demokerasi, bosiamisi, tekatekano le kopano ya setšhaba. Ke ka mowa o e leng gore tsweletso ya dipuo tsotlhe tse di 11 tsa semmuso tsa naga ya rona jaaka go tlhagisitswe ke Molaotheo go nna botlhokwa mo pholising.
Letlhomeso la Pholisi gape le amogela ntlha ya gore mosola wa dipuo tsa rona o tlhomamisiwa segolo thata ke tiriso ya tsona mo ekonoming, mo loagong le mo polotiking. Fa puo e latlhegelwa ke mosola mo mefameng e, maemo a puo a fela. Letlhomeso la Pholisi gape le lemoga gore re lebagane ke kgwetlho ya bogotlhe jwa lefatshe le gore dipuo tsa rona tsa tlhago di tshwanetse go nna karolo ya tikologo e e golang ya thekenoloji. Ka moo le ikaelela go netefatsa maemo le tiriso ya dipuo tsa tlhago tsa Aforika Borwa.
Ke solofela gore maAforika Borwa otlhe a tla amogela Letlhomeso le la Bosetšhaba la Pholisi ya Puo jaaka la bone. Ke dumela gore rotlhe re tshwanetse ke go netefatsa gore pholisi e nna nnete mo matshelong a rona, le go netefatsa mokgwa wa maAforika Borwa o o tshwanang o le esi mme e re dire motlotlo.
Bokana ka 25 jwa dipuo di buiwa mo Aforika Borwa, tse di 11 tsa tsona di neeilwe maemo a semmuso go ya Karolo 6 ya Molaotheo wa 1996 (Molao No. 108 wa 1996), ka mabaka a gore tiriso ya tsona e akaretsa bokana ka 98% tsa setšhaba sotlhe.
Dipuo tse di 11 ke Setebele, Sethosa, Sezulu le Seswati (tse di itsegeng jaaka setlhopha sa dipuo tsa Senguni); Sesotho, Sepedi le Setswana (tse di itsegeng jaaka setlhopha sa dipuo tsa Sotho); Sevenda, Setsonga, Seesimane le Seburu.
Aforika Borwa ke naga ya dipuo tse dintsi. Ntlha e e gakgamatsang ka ga tiriso ya dipuo tse dintsi mo Aforika Borwa ke lebaka la gore dipuo tse di mmalwa tsa tlholego di buiwa go kgabaganya melelwane ya diporofense, e e kopanetsweng ke ditšhaba tse di tswang mo diporofenseng tse di farologaneng.
Gone jaanong go na le temogo e e tiileng ya botlhokwa jwa go matlafatsa maiteko a go tlhabolola dipuo tsa tlholego tse pele di neng di ikgatholositswe le go tsweletsa tiriso ya dipuo tse dintsi fa e le gore maAforika Borwa a tshwanetswe go gololwa go tswa mo go ikaegeng ka tiriso ya dipuo tse e seng tsa tlholego jaaka dipuo tse di tlhagelelang ka magetla tsa semmuso.
Morago ga dingwaga di le 8 tsa demokerasi, Aforika Borwa jaanong e fitlhile mo setlhoeng sa bothata mo historing ya yona. MaAforika Borwa a tshwanetse go tsibogela dipharologano tsa dipuo le setso sa bona le dikgwetlho tsa tiriso ya dipuo tse dintsi, ke ka moo go tlhagisitsweng Letlhomeso le la Bosetšhaba la Pholisi ya Puo.
Letlhomeso la Pholisi ga le tlhotlheletse fela molebo o mošwa mo tirisong ya dipuo tse dintsi mo Aforika Borwa, fela le rotloetsa tiriso ya dipuo tsa tlholego jaaka dipuo tsa semmuso le go gatelela le go tsweletsa kitlano ya setšhaba. Le akanyetsa kamogelo e e sephara ya dipharologano tsa dipuo, tshiamo ya loago, theo ya phitlhelelo ya ditirelo le manane a setšhaba ka tekatekano, le tlotlo ya ditshwanelo tsa puo.
1.18 Tokomane e, e tlhagisa letlhomeso le le kgontshang tebang le thulaganyo e e kitlaneng ya tiriso ya dipuo tse dintsi go ya ka Molaotheo.
Fa e sale go tswa ka kgorogo ya Maholannere mo Aforika Borwa ka 1652, ka dipaka tsa tatelano tsa puso ya Boritani, Kopano ya Aforika Borwa, le go theiwa ga puso ya kgethololo le Rephaboliki ya Aforika Borwa go fitlha go goroga demokerasi ka 1994 le dikaelo tsa Molaotheo ka ga tiriso ya dipuo tse dintsi tsa semmuso, pholisi ya mmuso ya puo le babusi ba ba maatla ba reteletswe ke go amogela dipharologano tsa puo.
Maemo a, a tlhodile go se lekalekane ga dipuo mme phekeetso ya Seesimane le Seburu e tlhodile dikamano tse di sa lekalekaneng magareng ga dipuo tse le dipuo tsa maAforika.
Ka jalo, dipholisi tsa puo tsa bokoloniale le kgatelelo, ga mmogo le dipholisi tsa sepolotiki, loago le ekonomi, di tlhodile tlhatlhamano ya dipuo, go se lekalekane go go bontshiseng ditlhopha tsa go se lekalekane ga bomorafe le ditlhopha tse di sa lekalekaneng mo setšhabeng sa Aforika Borwa.
Ditiro tsotlhe tse di tlhodile ditlamorago tsa maemo a dipuo tsa tlholego le mefuta e e farologaneng ya dipuo tsa maAforika le ditlhopha tse dingwe tse di kgaphetsweng thoko tse di akaretsang Disusu le Difofu - go etleetsa megopolo e e fosagetseng ka ga dipuo tsa seAforika , megopolo e e sa tshwarwang fela ke babui ba Seesimane le Seburu, fela le ke babui ba bantsi ba dipuo tsa seAforika.
Maemo a, a etegediwa ke ntlha ya gore ditheo tsa setšhaba le tsa poraefete di na le mokgwa wa go tsaya ditshwetso tsa nakwana tse di kgatlhanong le dikaelo tsa molaotheo le ditlhokego tse di amanang le dipuo ka ntlha ya go bonela fa gaufi le mekgwa ya tsamaiso e e kgatlhanong le tiriso ya dipuo tse dintsi.
Karolo 6 ya Molaotheo e tlamela letlhomeso lelegolo la semolao la tiriso ya dipuo tse dintsi, tlhabololo ya dipuo tsa semmuso le tsweletso ya tlotlo le itshokelano ya dipharologano tsa dipuo tsa Aforika Borwa. E tlhomamisa ditshwanelo tsa puo tsa baagi, tse di tshwanetseng go tloliwa ka dipholisi tsa puo tsa bosetšhaba.
Molaotheo o gatelela gore dipuo tsotlhe tsa semmuso di tshwanetse " go newa tlotlomatso e e lekanang" e bile di tshwanetse go tsewa ka tekatekano, ka go dira jalo go tsholediwa maemo le tiriso ya dipuo tsa tlholego, le puso e dirisa peomolao le dikgato tse dingwe go laola le go tlhokomela tiriso ya dipuo tsa tlholego tse di kgapetsweng kwa thoko.
Molaotheo o laela gore go nne le diphetogo mo mabakeng a puo go ralala naga, o neela kamegelo ya loago le ya sepolotiki go ditlhopha tsa dipuo tse go fitlheng jaanong di ntseng di ikgatholositswe ka ntlha ya "ditlhokego tse di tlhagisitsweng tsa setšhaba le ditlhopha tse di nang le kgatlhego".
Karolo 6(2) ya Molaotheo e batla mekgwa e e ka tsentshwang tirisong go tlhabolola dipuo tse tsa tlholego.
Karolo 6(3) le (4) e na le ditshiamelo tse di amanang le puo tebang le puso ya bosetšhaba le dipuso tsa diporofense, fa mafapha a puso a tshwanetseng go dirisa bonnye dipuo di le pedi tsa semmuso.
Go tsweletsa dipharologano tsa puo go ya pele, karolo 6(5) e letla go tlhamiwa ga Lekgotla la Dipuo Tsotlhe tsa Aforika Borwa (PanSALB) go tsweletsa tiriso ya dipuo tse dintsi le go tlhokomela tlhabololo le tiriso e seng fela ya dipuo tsa semmuso, mme le dipuo tsa seKhoi, seNama le seSan, gammogo le Puo ya Diatla ya Aforika Borwa kgotsa Dipuo tsa Diatla tsa Aforika Borwa. Gape PanSALB e tla rotloetsa tlotlo ya Dipuo tsa Ngwao- Boswa tse di buiwang ke dikarolo dingwe tsa setšhaba le dipuo tse di dirisediwang mabaka a bodumedi.
Ditshiamelo tse dingwe tse di malebana le mabaka a puo di dirwa felo gongwe mo Molaotheong. Karolo 9(3) e sireletsa kgatlhanong le kgethololo e e sa siamang ka ntlha ya mabaka a puo, fa karolo 30 le 31 (1) e bua ka ga ditshwanelo tsa batho go ya ka setso, bodumedi le go nna le seabe mo puong le boithabiso. Karolo 35(3) le (4) e bua ka ga ditshwanelo tsa puo tsa batho ba ba tshwerweng, ba ba tlhatlhetsweng le ba ba latofaditsweng ka kgatelelo e e rileng ka ga tshwanelo ya tsheko e e lolameng le ditsamaiso di dirwa kgotsa di ranolelwa mo puong e motho yoo a e itlhophelang.
Lefapha la Thuto (DoE) le tlhagisitse Pholisi ya Puo mo Thutong (PPT) e e gatelelang tiriso ya dipuo tse dintsi jaaka katoloso ya dipharologano tsa setso le karolo e e tletseng ya go aga Aforika Borwa e e se nang bomorafe. Theo e e botlhokwa ke go tshola puo ya kwa gae ya moithuti mabapi le thuto le go ithuta, gape le go rotloetsa baithuti go ithuta dipuo tse dingwe. LiEP e dirana le dintlha tse di jaaka (di)puo tsa thuto le go ithuta mo dikolong tsa setšhaba, kharikhulamo ya sekolo, le ditiro tse di amanang le mafapha a thuto a diporofense le makgotlatsamaiso a dikolo.
Molaotheo le peomolao tse di amanang di rotloetsa tsweletso ya tiriso ya dipuo tse dintsi mo Aforika Borwa. Letlhomeso le la pholisi ka jalo le tshwanetse go akaretsa tetlanyo ya pholisi ya dipuo mo maemong a mararo a mmuso le go tlhalosa mabaka a a tlhomameng ka ga pholisi maemo le tiriso ya dipuo tsa tlholego tsa semmuso mo diporofenseng tsotlhe tse di robongwe mo Aforika Borwa.
Pholisi ya puo e akanyetsa ditshiamelo tsa molaotheo ka ga tiriso ya dipuo tse dintsi, mme e dumalana le maikemisetso a mmuso tebang le kgolo ya ekonomi, loago, polotiki le thuto.
netefatsa paakanyo tebang le dipuo tsa tlholego tsa semmuso tse pele di neng di kgaphetswe kwa thoko.
tsweletso ya tsamaiso e e siameng ya puo go direla setšhaba ka bokgoni go kgotsofatsa ditsholofelo le ditlhokego tsa badirelwa.
Tlhatlosa maemo a batho mo go itepatepanyeng le dikgatlhegelo, ditlhokego le diphegelelo tsa ditlhopha tsa dipuo tse di farologaneng ka dipuisano le dikganetsano tse di tsweletseng.
Tsweletso ya tiriso ya dipuo tse dintsi mo Aforika Borwa e batla maiteko a a sa nyatseng kitso e e leng teng mo setšhabeng mo dipuo tsa tlhago tsa semmuso di tlhagelelang thata. Se se tla bebofadiwa ke tiriso le go akaretsa setšhaba jaaka badirammogo mo thulaganyong ya tlhabololo ya puo.
Go tlilwe go solofelwa go dirisa baitsianape ba puo go thusa thulaganyo ya tlhabololo ya manane a tiriso ya dipuo tse dintsi ka ditlhotlhomiso le phasalatso ya diphitlhelelo.
Go bebofatsa tirisano le go amogetsana maikarabelo magareng ga maloko a SADC go tlile go itlhaganedisa tlhabololo ya puo.
Go tlile go tlhokagala go sekaseka dipholisi, ka dipaka tse di siameng, go tlhokomela kgatelopele go ya kwa go nneng setšhaba sa Aforika Borwa se se dirisang dipuo tse dintsi ka botlalo.
Mokgwa o o itshetlegileng ka setšhaba mo tsweletsong ya tiriso ya dipuo tse dintsi ke ona o o siameng thata, go lebeletswe setšhaba sa Aforika Borwa sa merafe e mentsi. Go tshwanetse ga nna le mokgwa o o phatlaletseng o go tsewang karolo tebang le paakanyong ya puo le tiragatso ya pholisi e e kokoanyang botswerere jwa setegeniki tebang le phetisetso ya kitso le bokgoni.
Mekgatlho yotlhe ya mmuso (bosetšhaba, porofense le pusoselegae), gammogo le ditheo tse di nang le dithata mo setšhabeng kgotsa tse di dirang ditiro tsa setšhaba go ya ka peomolao, di tshwerwe ke Letlhomeso le la Pholisi ya Puo.
Mo tsweletsong ya dipuo tse dintsi diporofense di tla itlhamela dipholisi tsa tsone go latela dikaelo tsa Letlhomeso le la Pholisi, go akanyediwa maemo a tsona a kgaolo, le ditlhokego le dikeletso tsa setšhaba jaaka di tlhalositswe ke Molaotheo.
Dipusoselegae di tla tlhomamisa tiriso ya puo le dikeletso tsa setšhaba ka thuso ya letlhomeso la pholisi ya puo la porofense.
bophara, di tshwanetse go tlhabolola, go phasalatsa le go diragatsa pholisi ya tiriso ya dipuo tse dintsi.
Dipuo tsa semmuso di tlile go dirisiwa mo ditirong tsotlhe tsa kokoanopeomolao, go akaretsa phasalatso ya diHansard, jaaka ntlha ya tshwanelo, ka go tlhokega, ntle le fa e le gore mo mabakeng a dikgotlapeomolao tsa diporofense, maemo a kgaolo a tla tlhomamisa (di)puo tse di tshwanetseng go dirisiwa.
Mmuso o tla rotloetsa, mme fa go tlhokagalang wa tshegetsa dikgwebo tsa poraefete go tlhabolola le go diragatsa dipholisi tsa tsona tsa puo ka tumalano le letlhomeso la bosetšhaba la pholisi ya puo.
Dipuo tsa tiro/dipuo tsa rekoto: Ka tumalano, mokgatlho mongwe le mongwe wa mmuso o tshwanetse go dumalana ka (di)puo tsa tiro (tebang le mabaka a tlhaeletsano ka fa gare le magareng ga mafapha), Ntle le fa e le gore fa go kgonagalang ga go na motho ope yo o tla kganelwang go dirisa puo e a e ratang. Mo mabakeng a go tsamaisa dikopano kgotsa go dira ditiro tse di rileng go tshwanetse ga tsewa matsapa go dirisa dibebofatsi tsa puo jaaka phetolelo le/kgotsa thanolelo ka (tatelano, segongwe, gammogo le thanolelo ka go seba) fa go ka kgonagalang.
Tlhaeletsano le setšhaba: Mabapi le kwalelano ya semmuso, go tshwanetse ga dirisiwa puo e moagi a itlhophelang yona. Tlhaeletsano yotlhe ya puisano ka molomo e tshwanetse go dirwa ka puo ya semmuso ya bareetsi. Fa go tlhokega, go tshwanetse ga tsewa matsapa go dirisa dibebofatsi tsa puo jaaka thanolelo ka (tatelano, segongwe, mogala le thanolelo ka go seba) fa go ka kgonagalang.
Diphasalatso tsa mmuso: Lenane la phasalatso ya tiragatso ya dipuo tse dintsi le tshwanetse go latelwa ke mafapha a mmuso wa bosetšhaba mo mabakeng ao e leng gore ga a tlhoke phasalatso ka dipuo tsotlhe tse di 11 tsa semmuso.
Fa tiragatso e e bokgoni le e e tlhomameng ya mmuso mo maemong afe kapa afe e tlhokang tlhaeletsano ya tshedimosetso e e feleletseng, e tshwanetse go phasaladiwa ka dipuo tsotlhe tse di 11 tsa semmuso, mme, kwa diporofenseng, ka dipuo tsotlhe tsa semmuso tse di laoletsweng kwa porofenseng.
Mo mabakeng a e leng gore dikwalo tsa mmuso ga di ka ke tsa bonwa ka dipuo tsotlhe tse di 11 tsa semmuso, mafapha a mmuso wa bosetšhaba a tshwanetse go phasalatsa dikwalo ka nako e le nngwe bonnye ka dipuo di le thataro.
Mokgwa wa thefosano o tshwanetse go dirisiwa fa go tlhophiwa dipuo tsa go phasalatsa dikwalo tsa mmuso ka dipuo tsa Nguni le tsa Sotho.
Tlhaeletsano ya boditšhabatšhaba: Tlhaeletsano ya mmuso kwa maemong a boditšhabatšhaba ka tlwaelo e tla nna Seesimane kgotsa ka puo e e ratwang ke naga e e amegang.
Go tsenngwa tirisong ga pholisi ya puo go tlile go oketsa tlhokego ya tiro ya go fetolela le tseleganyo gammogo le ditirelo tsa boranoledi, segolo thata mo dipuong tsa tlholego. Karolo e e botlhokwa ya boitseanape jwa phetolelo mo dipuong tse e tla tshwanelwa ke go atolosiwa mo mafapheng a mmuso le mo setheong sa poraefete, sekao: badiri ba nakwana ba puo jaaka bafetoledi, batseleganyi le baranoledi ba tla tshwanelwa ke go tlhabololwa. Koketsego ya tlhokego ya ditirelo tsa badiri ba porofešenale ba puo e tla batla katiso ya boitseanape go ya pele.
Go tlhomiwa ga diyuniti tsa puo mo lefapheng lengwe le lengwe la mmuso wa bosetšhaba le kwa porofenseng nngwe le nngwe go tla nna le tlhotlheletso mo sekoupung sa ditiro tsa Tirelo ya Dipuo tsa Bosetšhaba (TDB). TDB e tlile go batlega go golaganya tsamaiso ya tiragatso ya pholisi ya puo ka go bebofatsa katiso ya badiri ba yuniti ya dipuo mo ditirong tsa thulaganyo ya puo le tshegetso ya manane a ditiro tsa diyuniti tse. Gape TDB e tla rwala maikarabelo a go gokaganya tlhabololo ya manane a katiso ya bafetoledi, batseleganyi le baranoledi, le go tlhoma dikaelo tsa tiro ya boleng.
Dikarolo tsa thulaganyo le tlhopho ya mafoko, gammogo le mareo le tsona di tla amega. Koketsego ya tiro ya go fetolela e tla batla itlhaganediso ya tlhabololo ya mareo mo dipuong tsa semmuso le ya Sefalana sa Mareo sa bosetšhaba se se fitlhelelwang ke badiri ka puo ba mmuso le ba nakwana.
Go nna teng ga didiriswa tsa Thekenoloji ya Puo ya Batho (TPB) (sekai: phetolelo e e dirwang ke motšhini, megopolo ya phetolelo, dibaakanya mopeleto) tebang le dipuo tsa tlholego go tla nna le seabe se segolo mo tshegetsong ya go bebofatsa ditiro tsa puo.
Bogolo jwa diyuniti tsa puo bo tlile go tlhomamisiwa, mme dikatiso tsa boitseanape mo mofameng o, di tlile go nna botlhokwa morago ga palo ya dipuo tsa semmuso tse di tshwanetseng go dirisiwa e sena go sekasekiwa. Diyuniti tse di nang le badiri ba le bane kgotsa go feta ba porofešenale, di tlile go tlhoka gore di nne le ditlelereke.
Kago ya bokgoni mo dikarolong tse di amegang tsa go bebofatsa puo go tla diragala ka dipuisano le batlamedi ba ditirelo jaaka ditheo tsa thuto e kgolwane tse di rutang manane le dirutwa tse di rebotsweng ke SAQA tsa tiro ka puo, bofetoledi le botseleganyi, thanolelo, thulaganyo ya puo, tlhopho le thulaganyo ya mareo le thuto ka ga dithanodi.
Go tsenngwa tirisong ga pholisi kgato ka kgato mo pakeng e khutshwane, e e mo magareng le paka e telele ke leano le le rategang mo maemong otlhe.
Tebang le diphasalatso tsa mmuso, tiragatso e tla tsenngwa tirisong ke mekgatlho ya mmuso ka mokgwa o o ka fetolwang le o o kgonagalang mo sebakeng sa dingwaga di le tharo bonnye. Molemo wa go tsenya tirisong ka mokgwa wa kgato ka kgato ke gore mafapha a tlile go kgona go tlhabolola koketso ya bokgoni le go laola thulaganyo ya tiragatso ka botswerere.
Mekgatlho ya Mmuso e tla nna le nako ya go rulaganya ditekanyetsokabo ya yona ka go oketsa dikabelo tsa yona ka iketlo mo pakeng ya MTEF le go rulaganya ditiro go ya ka didiriswa tse di batlegalang tebang le tiragatso e e atlegileng ya pholisi.
Go tla tlhabololwa tlhokomelo ya mekgwa ya go netafatsa boleng jwa ditirelo tsa phetolelo le tseleganyo.
Ka tirisano le PanSALB, Lefapha la Botsweretshi le Setso le tla tlhokomela kgatelopele le go begela bothati jo bo maleba ka dipaka tse di maleba.
Ditshekatsheko tsa pholisi di tla dirwa ka tlhomamo mme go tla dirwa dikatlanegiso tebang le diphetogo fa go tlhokagalang gore tekanyetsokabo e lekanyetswe ka tshwanelo.
Mafaratlhatlha a a tlhokagalang go diragatsa pholisi a tla tsenngwa tirisong.
tlhaeletsano ya boditšhabatšhaba fa go maleba.
Mekgwa e mengwe ya tiragatso e e tla dirisiwang ke Molawana wa Maitsholo wa Badiredipuso, go tlhomiwa ga Khansele ya Aforika Borwa ya Badiri ka Puo, Tirelo ya Thanolelo ka Mogala ya Aforika Borwa (TTMAB), leano la tlhabololo ya dipuo tse pele di neng di kgaphetswe kwa thoko le DPS.
Tshegetso ya tlhabololo ya badiri ba ba tlhokegang go tsenya tirisong dipuo tse dintsi.
Taolo ya go bebofatsa porofešene ya puo, k.g.r. phetolelo, thanolelo le mareo, ka tlhabololo le peomolao e e maleba.
Tshegetso ya maiteko a a kgethegileng a paakanyo le/kgotsa manane a dipuo tsa tlholego tse di neng di kgaphetswe kwa thoko, k.g.r.
Tshegetso ya go ithuta le go ruta dipuo tsotlhe tsa semmuso tsa Aforika Borwa kwa mephatong yotlhe ya sekolo.
bobegakgang, thuto, semolao le tsamaiso, j.j.
sekoupu sa phasalatso ya dikwalo mo puong eo.
tekatekano; se se tshwanetseng le se se siameng.
k.g.r. tiro, bareetsi le molaetsa o e o dirisetswang.
kgotsa mo maemong a a botlhokwa a ekonomi.
tlhabololo ya dipuo tse e ne e le e nnye.
tlhago, dipuo tse di tswang kwa ntle le SASL.
le go tlhagisa puo setho ka mekgwa yotlhe; k.g.r.
golagane ka dikhomphiutara.
Puo e e tlholegileng mo nageng e.
puong ya bobedi.
amoga babui maatla.
jaaka peomolao, bosiamisi, tsamaiso le taelo ya setšhaba.
kgotsa go feta.
ya puo e e rileng. Tiriso e e ka tswa e sa lekane.
ya/tsa semmuso, ka mokgwa mongwe.
maikemisetso, mekgwa le dipoelo tse dingwe.
e tla nna afe.
ikgolaganya le mafapha a mangwe ka ga dintlha tsa puo.
Tiro kgotsa porofešene ya go tlhama dithanodi.
eleketeroniki go tswa puong e nngwe go ya go e nngwe.
(sekai: thuto, tlhokomelo ya boitekanelo).
babui ba yone.
mo Aforika Borwa.
kharikhulamo le pholisi ya puo.
go na le ya semmuso.
setšhaba se se rileng.
kgwebo le bobegakgang.
puong ya bobedi ka go kwala.
Mareo a setegeniki a a tlhomamiseditsweng thuto e e rileng.
<fn>SETSWANA INFO DOC.txt</fn>
Lephata la Merero ya Metsi le Dikgwale ntshitse Togamaano e e Akantshiwang ya Naga Malebana le Metswedi ya Metsigore batho ba Afrika Borwa ba akgele ka yone.
Togamaano ya Naga Malebana le Metswedi ya Metsi e tlhalosa ditsela tse metswedi ya metsi mo Afrika e tla sirelediwang, e dirisiwang, e tlhabololwang, e somarelwang, e tsamaisiwang le go laolwa ka teng.
Ka gonne Togamaano eno e ka nna ya ama tsela e rotlhe re dirisang metsi ka yone le go a tsaya e le a a botlhokwa, go botlhokwa gore batho ba akgele ka Togamaano eno e e Akantshiwang.
Metsi a a tshedisa. A nosetsa masimo a balemi; a nosetsa dijalo ebile a nosa leruo la batho ba metse-selegae; a naya boitlosobodutu; a tshegetsa go dirwa ga motlakase wa rona, ditoropo tsa rona le metse-setoropo, meepo ya rona, madirelo a rona le ditlhare le diphologolo tse e leng bontlhanngwe jwa boswa jwa rona jwa tlholego.
Metsi a a ka ikanngwang, a a siameng go nowa, metsi a go tsamaisa leswe le a go boloka bophepa le metsi a go godisa dijalo a botlhokwa thata go namola khumanego mo Afrika Borweng. Go tlhabololwa ga metse-selegae le go ntshafadiwa ga metse-setoropo ka bobedi go ikaegile ka metsi gore go fitlhelelwe mekgele eo.
Boikarabelo jwa konokono jwa Lephata la Merero ya Metsi le Dikgwa ke go tlhomamisa gore metsi a a lekaneng a boleng jo bo space dumelelwang a teng go kgotsofatsa ditlhoko tsa batho le go tshegetsa tlhabololo ya merero ya itsholelo le ya batho.
Lefa go ntse jalo, Afrika Borwa ke naga ya komelelo. Ga rena metsi a a kalo. Palo ya batho ba rona e golela pele. Go na le tlhokego e e ntseng e oketsega ya tlhabololo ya metse-setoropo le ya itsholelo le tlhokego e e oketsegang ka metlha ya metsi. Ka nako e e tshwanang, ditiro tsa batho di baka kgotlelo ya tikologo le mathata a boleng jwa metsi.
Jaaka naga fela, re ka se kgone go lwantshana fela le mathata a boleng jwa metsi le go tlhokega ga metsi jaaka a ntse a tlhaga. Re tlhoka leano le le rulaganeng la nako e telele go emelana le dikgwetlho tseno, le go bontsha kafa Mo-Afrika Borwa mongwe le mongwe a ka nnang le seabe ka gone. Seno ke boikaelelo jwa Togamaano ya Naga Malebana le Metswedi ya Metsi.
Ditumalano Tse dingwe Molao-theo godimo go feta yotlhe. Melao yotlhe e mengwe tsa Meraferafe e tshwanetse go tsamaisanngwa le Molao-motheo.
Molawana le Melao Molao-tlamo wa tshwanelo ya go nna mo tikologong e e sa kakeng Molao-tlamo wa Metsi Ditirelo tsa Metsi e e Beilweng wa Nagaya gobatsa botsogo jwa gagwe kgotsa go tshela Ya Naga Malebana (Molao-tlamo 36 wa 1990) (Molao-tlmo 108 wa 1997) sentle.
Gape Afrika Borwa e saenne Agenda 21, e e leng leano la dinaga la tlhabololo e e ka tshegediwang ka nako e telele.
Togamaano ya Togamaano ya Poloko ya Metsi leMolao-motheo le Agenda 21 di ne tsa kaela Metswedi Tiriso ya Metsi Togamaano Malebana le Molawana wa Naga wa Metsi o mosha wa 1997.
Molawana ono o tlhalosa kafa metsi a tla laolwang sentle ka teng le go abiwa go ya ka mekgwa ya Tiragatso Tiragatso Tiragatso rona e mesha jaaka morafe.
Pabalesego metswedi ya metsi. Boikaelelo ja one ke go ya Batho Tse Dingwe tse di Thusangtlhomamisa gore go tla nna le metsi a ditlhokotsa motheo tsa batho le a tlhabololo ya itsholelomo nakong eno le mo isagweng. Togamaano Tiragatso Tiragatso Tiragatsoya Naga Malebana le Metswedi ya Metsi edirisana le karolo eno ya tsamaiso ya metsi.
Molao-Tlamo wa Ditirelo tsa Metsi (Molao-Setshwantsho 1. Molao-motheo wa Afrika Borwa le Agenda 21 tlamo 108 wa 1997) di ne tsa kaela Molawana wa Naga wa Metsi wa 1997.
Molao-tlamo ono o naya batho tshwanelo ya oo o ne wa re fa ponelo-pele ya bokamoso jo bo botoka mo tiriso ya motheo ya metsi le go tsamaisiwa ga Afrika Borwa. Molao-tlamo wa Naga wa Metsi wa 1998 o ne wa leswe. O dirisana le kafa bao ba tlamelang re naya didirisiwa tsa semolao tsa go fitlhelela ponelo-pele eo. ka metsi, jaaka makgotla a metsi le Togamaano ya Naga Malebana le Metswedi ya Metsi ke bommasepala ba nayang metsi ao a dirisiwang thulaganyo ya naga ya go diragatsa ponelo-pele eo.
mo malapeng le mo madirelong.
Togamaano ya Naga Malebana le Metswedi ya Metsi ga e dirisane le dikgang tse. Go na le thulaganyo e sele ya go naya batho metsi le go tsamaisiwa ga leswe. Ditsela tse balaodi ba mafelo ba tla tlamelang badirisi ba metsi ka ditirelo tsa metsi ka teng di tla tlhalosiwa mo Maanong a Tlhabololo ya Ditirelo tsa Metsi a bolaodi bongwe le bongwe jwa ditirelo tsa metsi bo tshwanetseng go a rulaganya.
Metsi ke motswedi wa tlholego. Ke a batho botlhe ba Afrika Borwa. Lephata leno le tshwanetse go tlhokomelela batho botlhe ba Afrika Borwa motswedi ono (metsi le tikologo ya one).
Tshwanelo e le yosi e batho ba nang le yone ka metsi ke ya ditlhokego tsa bone tsa motheo (ka sekai, go apaya, go nwa le go iphepafatsa) le ya tikologo. Seno se bidiwa "Raseboa" mo Molao-tlamong wa Naga wa Metsi. Lephata leno le ka aba metsi morago ga metsi a Raseboa a sena go beelwa kwa thoko fela.
Molao-tlamo wa re batho ba tshwanetse go tsaya karolo mo bolaoding jwa metswedi ya metsi. Go laolwa ga metswedi ya metsi ga go na go nna kalo. Go dira seno, Molao-tlamo o dirile gore go nne le makgotla a batho ba ka tsayang karolo kwa go one.
Metswedi ya metsi e tla laolwa e sa kgaoganngwa. Dinoka, matamo, megobe, naga e e dikologileng, metsi a a kafa tlase ga lefatshe, gammogo le ditiro tsa batho tseo di e amang, tsotlhe di tla laolwa e le tikologo e le nngwe fela.
A re na le metsi a a lekaneng?
Afrika Borwa ke naga ya komelelo. Selekanyokakaretso sa sa rona sa pula e ka nna 450 mm ka ngwaga. Seno se kwa tlase thata ga selekanyo-kakaretso sa lefatshe se e ka nnang 860 mm ka ngwaga. Go na ga pula go farologana fela thata ngwaga le ngwaga. Gape naga e tshabelelwa ke komelelo.
Dinoka tsa Afrika Borwa di dinnye thata fa di bapisiwa le dinoka tsa dinaga tse dingwe. Noka ya Orange e na le metsi a a ka nnang 10% fela ya metsi a a leng mo Nokeng ya Zambezi. Metsi a a mo dinokeng tsotlhe tsa Afrika Borwa fa a kopantswe a kwa tlase ga a Nokeng ya Zambezi. Gape dinoka tse dintsi tsa rona tse dikgolo, tse di tshwanang le ya Orange/Senqu le ya Limpopo, di fetela le mo dinageng tse dingwe tse di dirisang metsi a dinoka tseno.
Tshekatsheko e e dirilweng ke Lephata leno e bontsha gore mafelo a taolo a le 11 mo go a le 19 (bona Setshwantsho 3) mo nageng eno a na le bothata jwa metsi. Mo mafelong a, batho ba dirisa metsi a mantsi thata mo tikologo e imelwang thata, mme badirisi ba bangwe ba metsi ga ba kgone go bona karolo ya bone e e lekaneng ya metsi.
Metsi a a kwa tlase a botlhokwa thata mo mafelong a metse-selegae, mme, Afrika Borwa e na le metsi a a kwa tlase a dipetse a sekae a a ka diriwang ka selekanyo se segolo.
A metsi a rona a siame?
Ga se metsi otlhe a rona a a siameng. Mangwe a one a kgotletswe. Letsatsi lengwe le lengwe, go kgabaganya naga, mekgatlho le batho ba ama oleng jwa metsi mo dinokeng tsa rona le dinokaneng, metsi a rona a kwa tlase le megobe ya rona.
Mathata a magolo a boleng jwa metsi mo Afrika Borwa a bakwa ke metsi a a leswe a a tswang kwa madirelong le kwa meepong, mo menontshaneng ya temo, ke kgogolo ya mmu, leswe le le tswang mo matlong, matlakala a a sa latlhiweng le ditiro tse dingwe tse dintsi. Dilo tseno di baka mathata a boleng jwa metsi a a tshwanang le metsi a a letswai, metsi a a nang le asiti, go kgotlelwa ke ditshidi-nyana le go kgotlelwa ke dilo tse di nang le botlhole. Kgotlelo ya metsi e baka mathata a mantsi. Ka sekai, ditshidinyana tse di tsenang mo metsing ka matlakala a a sa latlhiweng di ka baka bolwets jwa kholera, jo bo ka bolayang batho. Gape, go phepafatsa metsi a a kgotletsweng mo a ka boelang a dirisiwa gape go ja madi a mantsi, mo go rayang gore batho ba tshwanela go duela madi a a oketsegileng a metsi. ya kgona ya tilwa.
A re dirisa metsi sentle?
Mo e ka nnang 60% ya metsi otlhe a a mo nageng eno a dirisiwa mo temong go nosetsa. Metsi a a diriswang mo matlong le mo toropong e ka nna 11% mme meepo le madirelo a mangwe a magolo a dirisa 8%. Masimo a dikgwa tsa kgwebo a dirisa 8%. Maphata mangwe a itsholelo a a tshwanang le go dirwa ga motlakase a dirisa metsi a mannye go godisa letseno la madi la naga le batho ba yone (se se bidiwang Gross Domestic Product kgotsa GDP). Gape a direla batho ba le bantsi ditiro. Maphata a mangwe a a tshwanang le go nosediwa ga temo go dirisa metsi a mantsi ka madi a a kwa tlase le bahiriwa ba ba seng bantsi.
Setshwantsho 3. Afrika Borwa e kgaogantswe ka Mafelo a Taolo ya Metsi a le 19 (Kitsiso ya Puso No. 1160, October 1999) Elatlhoko gore Lefelo la Taolo ya Metsi lengwe le lengwe le na le nomoro. A le lesome le bongwe a mafelo ano a na le metsi a a kwa tlase ga a a tlhokegang.
Re tshwanetse go dirisa metsi ka botlhale.
Tshegetso. Seno se raya gore re tshwanetse go dirisa metsi go rotloetsa tlhabololo ya batho le ya itsholelo mme, ka nako e e tshwanang, re tshwanetse go sireletsa tikologo ka gonne metsi a rona a tswa mo tikologong. Fa go na le tekatekano e e siameng gareng ga go dirisa metswedi ya metsi le go e sireletsa, go raya gore re ka kgona go kgotsofatsa ditlhokafalo tsa rona tsa metsi gammogo le ditlhokafalo tsa bana ba rona, le bana ba bana ba rona.
Tekatekano. Seno se raya gore moagi mongwe le mongwe wa naga o tshwanetse go kgona go bona metsi le go a dirisa. Ditshwetso tse di dirwang mabapi le go aba metsi di tshwanetse go bontsha seno.
Kelotlhoko. Seno se raya gore re tshwanetse go tlhomamisa gore metsi ga a senngwe. Metsi a tshwanetse go dirisiwa go solegela rona molemo thata le itsholelo ya rona ka mo go ka kgonegang.
Ga re a huma metsi. Metswedi ya metsi a rona e lebane le tlhokego e e oketsegang le matshosetsi. Mo nakong e e fetileng, metsi a ne a sa abiweka tekatekano. Gantsi metsi a a senngwa. Ka gone, metsi se tokafale mo nakong e e tlang.
Go ikanyega mo boitlamong jwa rona go baagelani ba rona, Lesotho, Swaziland, Mozambique, Zimbabwe, Botswana le Namibia.
Togamaano ya Naga Malebana le Metswedi ya Metsi ke thulaganyo eo mo go yone ditogamaano tsotlhe tse di farologaneng tse re di tlhokang go laola metswedi ya metsi di ka kopanang ka tsela e e rulaganeng. Molao-tlamo wa Naga wa Metsi wa re Togamaano eno e tshwanetse go tlhabololwa bobotlana morago ga dingwaga dingwe le dingwe di le tlhano.
Seno ga se reye gore re tla leta dingwaga di le tlhano go simolola go e dirisa. Ditlhopha tsa batho di ntse di tshwaregile ka go tlhabolola mekgwa le ditsamaiso tsa go dirisa dikarolo tse di farologaneng tsa Togamaano eno, ebile ba gatisa dingwe tsa tsone mo Government Gazette gore go akgelwe ka yone, le eleng pele ga Togamaano ya Naga Malebana le Metswedi ya Metsi ka boyone e siamela go ka gatisiwa. Malebana le dikarolo tse dingwe tsa Togamaano eno, mekgwa e e tlhalositsweng ka botlalo, ditsela le melawana ya tsone e santse e tlhabololwa.
Go oketsa thutego, jaaka go kopa mekgatlho ya thuto le ya thapiso go godisa dithuto tse di kgethegileng, dithuto tsa diploma le tsa degree le dithulaganyo tsa dibasari.
Go tsaya karolo ga batho go letlelela mongwe le mongwe yo o ratang go tsaya karolo mo taolong ya metsi go dira jalo. Lephata leno le setse le tlhamile kaelo ya go dira gore batho ba tseye karolo.
Thuto le temogo e dirwa go lemotsha Ma-Afrika Borwa gore metsi ke motswedi o o sa bonaleng motlhofo le wa botlhokwa. Thulaganyo ya Thuto kaga Metsi - 2020 Ponelopele kaga Metsi - e setse e dirisiwa mo dikolong di le 10 000 go dikologa naga mme e tla fetisediwa le kwa diunibesithing.
Patlisiso go godisa kitso le tlhaloganyo go tokafatsa kafa re laolang metswedi ya metsi ka teng.
Molao-tlamo o re letlelela go dirisaMolao-tlamo wa Metsi wa Naga o leba metsi ka tsela e a ka kgonang metsi ka ditsela tse dintsi go tlhabololago dirisiwa ka teng. Mo go Karolo 21, o tlhalosa mefuta e e lesome batho le itsholelo.
go tsaya metsi go tswa motsweding wa metsi o o tshwanang tseno di ka ama metswedi ya metsi ka le molatswana, noka, petse, mogobe kgotsa letsibogo go a dirisa tsela e e sa siamang fa e sa laolwe ka go boloka metsi jaaka go a boloka mo tamong kelotlhoko. Ka sekai, Molao-tlamo o go kgoreletsa kgotsa go faposa metsi jaaka, ka sekai, fa metsia a elelelang mo molatswaneng kgotsa mo nokeng a tshwanela letlelela madirelo go tshololela metsi a go thibelwa kgotsa a lebisiwa go sele go dira gore tsela e ntsha e one a a leswe mo dinokeng le mo kgone go dirwa dinokaneng, fa fela seno se dirwa ka go fokotsa go elela ga metsi a molatswana, go dirisiwa metsia pula, go godisa ditlhare kgotsa dijalo tse di tshwanang le temo tetlelelo ya Lephata leno le fa go latelwaya dikgwa bakeng sa kgwebo e e dirisang metsi a mantsi go na melao e e gagametseng gophepafatsale ditlhare tsa tlholego. Seno se raya gore metsi a pula a a tla metsi ano. Seno se sireletsa metswedi bong a fitlhile kwa dinokeng a dirisiwa otlhe ke ditlhare le dijalo ditiro tse di laolwang tse di tshwanang le go nosetsa ka metsi a ya metsi le badirisi ba bangwe.
Ditaolo tse di Dikgato tse di batho le tsa itsholelo le mo go namoleng leuba ka lebisitsweng lebisitswenggo dira ditiro. Gore re dire seno, re tlhoka metsi.
Metsi o lemoga gore ga se mo go ka kgonegang ya metsi e nayagape go ka se direge gore go tilwe dilo tsotlhe tse botsogo jo bodi ka amang boleng jwa metsi, go seng jalo go ka Tse di ntshiwang molemo bo go sena kgolo ya itsholelo kgotsa tekatekano Dilatlhwa ya batho.
Jalo mo go Kgaolo 3, Molao-tlamo o re naya didirisiwa tsa semolao tsa go dira ditshwetso tse di Go laola go amiwa ke tla dirisanang mmogo go fitlhelela tekatekano gareng tiriso ga go sireletsa le go dirisa metswedi ya metsi. (bona Setshwantso 5 le fa tlase).
Dikgato tse di lebisitsweng mo metsweding di tla tlhokomela boleng jwa metsi, bogolo jwa metsi, diphologolo tse di tshelang mo metsweding ya metsi, le dijalo tse di leng teng go dikologa motswedi wa metsi. Tseno tsotlhe di tshwanetse gore di bo di na le botsogo jo bo molemo e le gore motswedi wa metsi o kgone go bereka sentle le go tlamela ka metsi.
Santlha, Lephata leno le tla simolola tsamaiso ya naga ya go baya metswedi yotlhe ya metsi mo nageng ka ditlhopha. Setlhopha sengwe le sengwe se tla bontsha gore se ama motswedi oo jang ka tsela e e sa amogeleseng, kgotsa e e amogelesegang. Setlhopha seno gape se tla bontsha gore ke metsi a a kana kang a a ka dirisiwang.
lholego, koo batho ba sa amang metswedi ya metsi go le kalo le koo boemo jwa motswedi wa metsi bo santsen bo le gaufi le jwa tlholego, jaaka dinokana tsa mo dithabeng.
Molemo, koo motswedi o setseng o fetotswe go sekae kgotsa ka mo go lekaneng ka ntlha ya kafa o amilweng ke batho ka teng.
Seng maswe thata, koo boemo jwa motswedi wa metsi bo farologaneng thata le jwa kwa tshimologong jwa tlholego.
Maswe, boemo jo bo kwa tlase thata ga jo bo seng maswe thata, jo boikaelelo e leng go bo tokafatsa go bo dira jo bo seng maswe.
Sa bobedi, Lephata leno le tla dira tshwetso ya setlhopha sa motswedi wa metsi mongwe le mongwe wa botlhokwa mo nageng mme gape, le dira tshwetso ka setlhopha se le se batlng mo nakong e e tlang, le sena go buisana le banaleseabe. Badirisi ba metsi ba tla thusa go dira tshwetso ya gore ba batla gore motswedi wa metsi wa bone o nne jang mo nakong e e tlang, e le gore go laola metsi go tle go tokafatse gore motswedi oo o naye botsogo jo bo molemo mo nakong e e tlang. Go baya metswedi ya metsi ka ditlhopha go tla dirwa mo dingwageng tse 10 go ya go tse 15 tse di latelang, go simolola ka mafelo ao kgato e tlhokegang ka bonako mo go one.
Sa boraro, fa go setse go dirilwe Go lekalekanya tekatekano le tshegego - Raseboa tshwetso ka boemo jo bo batliwang mo nakong e e tlang, Lephata leno Fa metsi otlhe mo nageng a ne a ka tsenngwa mo kgamelong, Raseboa ke le tla dira katlholo ka boitlhomo metsi a ka metlha a tshwanetseng go tlogelwa mo kgamelong gore a dirisetswe malebana le boleng jwa motswedi. ditlhokafalo tsa batho tsa motheo le ditlhokafalo tsa kamano ya batho le Boitlhomo jono bo tla bolelela balaodi tikologo.
Boikarabelo jwa LekgotlaBoikarabelo jwa Naga le le Laolang Matamo molemo. Bo tla bolelela balaodi gore boleng jwa metsi bo tshwanetse go nna bofe le gore boemo jwa diphologolo le dijalo e tshwanetse go nna bofe.
Ka nako e e tshwanang, Lephata leno le tla nna le Raseboa ya metswedi ya metsi yotlhe mo nageng. Raseboa yono o tlhalosiwa mo Setshwantshong 6.
Raseboa yono a sena go beelwa kwa Setshwantsho 6. Se tlhalosa gore Raseboa ke eng. Setshwantsho seno gape se bontsha kafa Lephata leno le tla rulaganyang go abiwa ga metsi go ya kathoko, ke gone metsi a ka abiwang botlhokwa jwa one. Raseboa ke yone e e tsayang maemo a ntlha.
go dirisediwa dilo tse dingwe.
Ga go kgonege go tila kgotlelo ya metsi gotlhelele, lefa go ntse jalo go a kgonega go laola kgotlelo e le gore metswedi ya metsi e nne e bereke ka tshwanelo. Ditaolo tse di lebisitsweng motsweding di tla laola kgotlelo le tiriso e e feteletseng ya metswedi ya metsi. Ka sekai, di tla laola selekanyo sa metsi a a tsewang mo motsweding. Gape di tla laola gore ke eng se se tswang mo dipompong tsa madirelo tsa metsi a a leswe. Seno se tla dirwa ka ditsela di le mmalwa.
Dikgato tsa setsha tse di tlhomameng. Madirelo, meepo, madirelo a go phepafatsa leswe, le ditiro tse dingwe tse di kgotlelang metsi di tla tshwanela go kopa laesense pele ga ba ka letlelelwa go ntshetsa metsi a a leswe mo motsweding wa metsi.
Ditlwaelo tse di siameng thata tsa go laola. Tseno di dira go kgabaganya naga tse di tshwanang le ditekanyetso tsa go laola go latlhwa ga matlakala.
Dikgato tse di kgethegileng, tse di tshwanang le ditogamaano tsa go laola matamo.
Lephata leno le dira ditshwetso kaga boleng jwa metsi le taolo ya kgotlelo kgato ka kgato.
Kgato ya ntlha ke go thibela kgotlelo. Modirisi wa metsi yo o tshwanang le madirelo o tshwanetse go bontsha gore o dirile sengwe le sengwe se se utlwalang le se se kgonegang go thibela leswe le le tla bakang kgotlelo.
Kgato ya bobedi ke go fokotsa kgotlelo. Badirisi ba metsi ga ba kake ba kgona go tila go baka leswe ka metlha. Mme Molao-tlamo wa Naga wa Metsi o bua ka tlhamalalo gore metsi a a leswe a a dirwang a tshwanetse a boela a dirisiwa ka mo go ka kgonegang ka teng, eseng jalo a tshwanetse go phepafadiwa go ntsha leswe. Lephata leno gape le kgothaletsa thata gore boitseanape jwa go dira dilo e nne jo bo phepa le gore mekgwa ya go tlhokomela madirelo e nne e e siameng. Malebana le go latlhiwa ga matlakala, go dirisiwa Tlhokafalo e Potlana ya go Latlha Matlakala ya Lephata leno.
Kgato ya bo raro e ka tsewa fela fa dikgato tsotlhe tse dingwe di sena go tsewa go thibela kgotsa go fokotsa kgotlelo, lefa go sena ka tsela e nngwe e seno se ka dirwang ka teng. Ke gone go latlhwa kgotsa go ntshiwa ga metsi a a leswe go ka letlelelwang, mme e le tlase ga maemo a a rileng fela le fela fa noka kgotsa nokana e metsi a a leswe a tla tshololelwang mo go yone e na le metsi a a lekaneng go amogela metsi a a leswe ano.
Bao ba dirisang metsi a mantsi ke bone ba ba mo kotsing ya go ama metswedi ya metsi ka tsela e e sa siamang. Bano ba akaretsa temo, meepo, madirelo, mafelo a metse-setoropo le mekhukhu.
Go ya ka Kgaolo 4 ya Molao-tlamo ono, tiriso yotlhe ya metsi e tshwanetse ya "nna le tetla". Ka mantswe a mangwe, batho ba tshwanetse go amogela tetla ya go dirisa metsi.
Go na le ditsela di le dintsi tse di farologaneng tse motho a ka letlelewang ke Lephata leno go dirisa metsi. Batho ba ba dirisang metsi ka dilekanyo tse di potlana mo matlong, go nosetsa ditshingwana le go nosa diphologolo (boikaelelo e se jwa kgwebo) kgotsa ba boloka metsi a pula a a tswang mo marulelong ba bo ba a dirisa morago, ba setse ba na le tetlelelo ya go dirisa metsi. Molao-tlamo wa Naga wa Metsi o ba bitsa badirisi ba "Thulaganyo 1".
Metsi a mantsi, kgotsa tiriso ya metsi e e ka amang motswedi wa metsi ka tsela e e sa siamang e e tshwanang le fa madirelo a tshololela metsi a a leswe mo motsweding wa metsi, a tshwanetse go nna le tetlelelo.
Ditletla tsa Kakaretso, fa modirisi a dirisa metsi a sena lekwalo la tetlelelo, go ikaegile ka gore tiriso ya metsi e tsamaisana le Tetla ya Kakaretso.
Go tsweledisa tiriso ya semolao e e ntseng e le teng ke tiriso ya metsi epe fela ya semolao e e tlase ga molao ope fela go simologa ka October 1996 go ya go 31 September 1998, go fitlhela badirisi ba ba ntseng jalo ba newa dilaesense.
Dilaesense (bona fa tlase).
Badirisi ba metsi ba ba letleletsweng ba tla kgona go dirisa metsi, mme gape ba tla nna le boikarabelo jwa go dirisa metsi tumalanong le maemo a tetlelelo. Maemo ano a tla sireletsa tikologo gape a tla akanyetsa ditlhokafalo tsa badirisi ba bangwe ba metsi.
Laesense ya go dirisa metsi ke lekwalo la semolao. E naya motho tetla ya go dirisa metsi go ya ka maemo a laesense.
Tshwanetse go kwadisa nnang dingwaga dingwe le dingwe di le tlhano.
Laesense e ka nna ya boleele jwa dingwa tse di fitlhang go tse 40.
Lephata leno le ka nna la tsaya laesense fa modirisi wa yone a tlola maemo a laesense eno.
Tiriso e e anameng Kamego ya kotsi e potlanakgotsa e e seyong tiriso e e tshwanang ya metsi kgotsa go tswa ka sekai, ditanka tsa metsi, metsi a a dirisiwang motsweding o le mongwe wa metsi le tsone di mo matlong Go sa kwadisa fetolwa.
Dithulaganyo tsa go laola tiriso ya metsi di thailwe mo kotsing e e ka nnang ya diragala, tlholego le bogolo jwa kamego e e ka nnang ya nna teng mo motsweding wa metsi lefa go ntse jalo e ka okediwa fa e tlhatlhobiwa ka selekanyo sa nako ya tlhatlhobo, se se ka nnang dingwaga tse tlhano.
Thulaganyo ya go kopa dilaesense ga batho le go Setshwantsho 7. Molao-tlamo wa Naga wa Metsi or tlhoma tlhatlhobiwa sone e tsweletse pele mo nakong eno, melao ya go dirisa metsi ka botlhale. Melao e e ka nnang ya mme e tla bo e baakantswe sentle mo dingwageng nna teng mo motsweding wa metsi e le kgolo, melao ya go tse pedi tse di latelang. dirisa metsi e tla gagamadiwa thata.
Lephata leno le tla batla laesense e e patelesegang ya go dirisa metsi mo mafelong a go ka nnang ga bo go sena metsi a a lekaneng badirisi botlhe, kgotsa koo boleng jwa metsi bo setseng bo ya kwa tlase. Mo mafelong ao, metsi otlhe a a leng teng le a a ka nnang teng kwantle ga badirisi ba Thulaganyo 1 le badirisi ba ba leng tlase ga Ditetlelelo tsa Kakaretso, ba tla tshwanela go kopa dilaesense.
Tsamaiso ya go tlhatlhoba dikopo tsa laesense e tla tlhomamisa gore mongwe le mongwe o akanyediwa ka tekatekano le ka go sa tlhaolwe gore a bone metsi le gore metsi a abiwa ka tsela e e bothakga le e e nang le mosola, go akanyediwa mabaka a a tlhomameng.
Setshwantsho 8. Thulaganyo ya go nna le laesense e e patelesegang mo Mafelo a go Laola Metsi a a farologaneng.
Lephata leno le tlhoka go itse gore ke tiriso efe ya metsi e e diragalang mo metsweding e e sa tshwaneng ya metsi le kafa metsi a mantsi a dirisiwang ka teng. Ka boikitsiso jono, Lephata leno le ka rulaganya sentle, la godisa la ba la laola metswedi ya metsi go sireletsa badirisi ba metsi le metswedi ya metsi ka boyone. Ka lebaka leno, badirisi ba metsi ba setse ba kopilwe go ikwadisetsa go dirisa metsi fa e le gore ba tsaya metsi ba bo ba a boloka, kgotsa fa e le gore ba fokotsa go elela ga dinokana (dikgwa tsa kgwebo). Tsamaiso ya semolao ya ikwadiso eno e fedile ka June 2001 mme bontsi jwa badirisi bano ba metsi ba setse ba ikwadisitse. Badirisi ba ba sa ikwadisang ba santse ba ka tsenya kopo yai kwadiso ya morago. Ditiriso tse dingwe tsa metsi di tla ikwadisediwa fa nako e ntse e tsamaya.
Jaaka batliwa ga metsi go oketsega, re tla tlhoka go tsamaisanya go batliwa le metswedi ya metsi. Re tlhoka go kopanya ditogamaano, nngwe le nngwe e na le madi a e a tlhokang, nako le maiteko.
Go abiwa ga metsi gape, jaaka fa batho ba ba dirisang (bona fa tlase).
Go laola metswedi ya metsi a a fa godimo bangwe ba ba senang a a lekaneng mangwe a one. le poloko ya one.
Go godisa metswedi ya metsi a a fa godimo, go one kwa mafelong ao metsi a sa bonaleng motlhofo mo go a a tshwanang le go aga matamo. one.
Go laola boleng jwa metsi le kgotlelo jaaka go tlhalositswe tshwanela teng jaaka Go Direla Thulaganyo mo go Karolo 7.3. ya Metsi, go oketsa metsi a a leng teng Go fitlhelela ditlhokafalo tsa Raseboa jaaka go mo matamong a dinoka. tlhalositswe mo go karolo 7.10.
Go dirisa metsi gape, jaaka mo madirelong a go dirisa metsi a one a a leswe gape.
Mo nakong e e fetileng, Lephata leno le ne la fudusetsa metsi a ma- felo a a leng mantsi kwa go one kwa mafelong a nang le a le mannye, kgotsa la aga matamo a magolo kgotsa la letlelela gore go agiwe matamo a magolo go tlhomamisa gore go tla nna le metsi a a lekaneng go kgotsofatsa ditlhokafalo tsa badirisi ba metsi. Lefa go ntse jalo, le yone mekgwa eno bonale motlhofo ka ntlha ya koketsego ya batho mo nageng eno le ka baka la ditlhokafalo tsa metsi tsa madirelo, temo, meepo le tsa dilo tse dingwe.
Togamaano ya Naga ya Metswedi ya Metsi e re naya tsela e ntsha ya go dirisana le seno e e bidiwang go bolokiwa ga metsi le go laola go batliwa ga one. Batho ba le bantsi ba ka dirisa metsi a a kwa tlase da go fetola mokgwa wa bone le ka go boloka metsi.
Mekgatlho ya metsi e e tshwanang le taolo ya mafelo e e tlamelang badirisi ba metsi ka one ba tshwanetse go dira seno sentle, ba sa senye metsi a mantsi (ka sekai, ba tlhomamisa gore dipompo tsa go aba metsi ga di dutle) gape bo tshwanetse go rotloetsa badirisi ba metsi gore ba boloke metsi.
Badirisi botlhe ba metsi ba tshwanetse go dirisa metsi sentle gape ga ba tshwanela go a senya. Ka sekai, ba tshwanetse go tswala dipompo tsa metsi sentle, ba thibe diphaephe fa di dutlang teng, gape ba dirise metsi a ba a tlhokang fela.
Go bolokwa ga metsi e tshwanetse go nna karolo ya togamaano ya metswedi ya metsi le ditirelo tsa metsi.
Lephata leno le tla nna le matsholo a go dira gore batho ba eletlhoko botlhokwa jwa go boloka metsi, go dirsa dikolo tsa thuto le go kgothatsa makgotla a metsi go dirisa le go rotloetsa go bolokwa ga metsi. Lephata lengwe le lengwe, le le tshwanang le la temo, madirelo, go dirwa ga motlakase le meepo le tla itirela tsela ya lone ya go boloka metsi le togamaano ya go laola tlhokego ya one. Lephata leno le ka nna la dirisa ditekanyetso tsa laesense ya go dirisa metsi go tlhalosa ditlhokafalo tsa go boloka metsi.
Ke ka ntlhayang fa go laolwa ga metsi go duelelwa?
Jaaka badirisi ba ba oketsegileng ba metsi ba tlhoka metsi, go nna le dikgwetlho tse di oketsegileng tsa go laola metswedi ya metsi. Jalo, dituelo tsa go tlhokomela le go laola, go tlhatlhoba le go logamaano, go tlhama le go aga matamo a masha, go dira le go tlhokomela madirelo a metsi, go abiwa ga metsi, go sirelediwa ga metswedi y a metsi, le ditiro tse dingwe tsa go laola, di a oketsega.
Ka ntlha ya mabaka ano, Molao-tlamo wa Naga wa Metsi o rulaganyeditswe Togamaano ya go Tlhoma Tlhotlhwa ya Dituelo tsa Tiriso ya Metsi (Kgaolo 5 ya Molao-tlamo ono). Morago ga go botsa batho ba le bantsi, go ne ga gatisiwaTogamaano ka November 1999 (Kitsiso ya Puso No. 1353). Togamaano eno e letlelela gore dituelelo dingwe tsa taolo ya metsi di duelwe ke badirisi ba metsi.
Ke dituelo dife tsa taolo ya metsi tse di tla duelwang ke badirisi ba metsi?
Go na le dikarolo di le tharo tsa dituelo.
Tuelo ya taolo ya motswedi wa metsi. Seno se akaretsa ditiro tsa taolo tse di tshwanang le go laola go dirisiwa ga metsi, go laola boleng jwa metsi, go laola tshireletsego ya matamo le go boloka metsi (go kopanyeletsa le thulaganyo ya Go Berekela Metsi e e leng ya taolo ya dijalo tse di tlhogang fa di sa tshwanelang teng).
Kgodiso ya motswedi wa metsi le tuelelo ya madirelo a metsi. Madi otlhe a seno a a tla tlhokegang kwa tshimologong mo dingwageng tse 25 tse di latelang e ka nna R12 billion, go kopanyeletsa le R530 million ngwaga le ngwaga e le a a duelelang dilo tse di tshwanang le go tlhabolola le go baakanya madirelo a a leng teng.
Tuelo eno e tla duelela ditiro tse di tshwanang le go logamaano, go tlhama, go tlhabolola, go dirisa, go tlhokomela le go tokafatsa dithulaganyo tsa Puso tsa metsi le dithulaganyo tse di tla duelelwang ke mekgatlho ya taolo. Dituelo tsotlhe tsa tiriso le tlhokomelo di tla nna di duelwa ka bonya mme di tla duelwa ke badirisi botlhe, go akaretsa le lephata la temo. Go fokotsega ga boleng go tla nna go duelwa ka bonya ke badirisi botlhe. Morokotso wa dithoto o tla duelwa ke balaodi ba ditirelo tsa metsi, madirelo, meepo le mekgatlho ya motlakase.
Dituelo tsa go latlhwa ga matlakala. Seno se tla simolola go duelelwa mo nakong e e tlang go ya ka molao-motheo wa "go duela mokgotledi".
kgothaletsa gore go latlhwa ga leswe go fokodiwe; le go rotloetsa go dirisiwa ga metsi sentle.
Ke bomang ba ba tla tlhomang ditlhotlhwa, mme jang?
Dituelo tsa go laolwa ga metsi ga di tshwane mo mafelong a a farologaneng, go ikaegile ka maemo a lefelo leo. Mekgatlho ya Taolo ya Matamo (bona Karolo 11) mo go nngwe ya Mafelo a Taolo ya Metsi a a 19 e tla ikarabelela mo go tlhomeng tlhotlhwa ya go laolwa ga metsi le tlhotlhwa ya go latlhela matlakala kgotsa matlakala a a nang le metsi mo metsweding ya metsi. Ditlhotlhwa tsa tiriso ya metsi le tsa go latlhwa ga matlakala di tla farologana mo Mafelong a a farologaneng a Taolo ya Metsi, mme gape go ka nna ga farologana gareng ga maphata a a farologaneng (ka sekai, temo, madirelo, dikgwa) go ikaegile ka ditlhokafalo tsa lefelo le maemo.
Badirisi ba metsi ba tla newa thuso ya madi ka ditsela di le pedi. Lephata leno le tla duela bontlha bongwe jwa dituelo tsotlhe tsa metsi a ditsamaiso tsa Puso tsa metsi di a nayang balemi ba ba simololang go nosetsa ka one ka lobaka lwa dingwaga di le tlhano go simolola ka nako e go nosetsa go simolotseng ka yone.
Go na le madi a puso e thusang balemi ba ba simololang ka one ba e leng maloko a Mekgatlho ya Badirisi ba Metsi, gore ba age kgotsa ba tlhokomele madirelo a metsi a ba a dirisang botlhe. Madi a puso e thusang ka one a a dirisiwang mo tirong a tla nna teng mo ngwageng ya ntlha go dirisiwa ke Mekgatlho ya Badirisi ba Metsi bao ba jaanong e nnang bone ba sikarang ditsamaiso le tlhokomelo ya ditsamaiso tsa Puso tsa metsi.
Taolo ya Metsi ke gore badirisi Lemororo Tona ya Merero ya Metsi le Dikgwa e le ene motshwara-marapo ba metsi le batho ba ba wa batho ba metswedi ya metsi mo boemong jwa Puso ebile e le ene yo o okamelang dikarolo tsotlhe tsa taolo ya metsi, boikarabelo le bolaodi amiwang ke kafa metsi a jwa taolo ya metsi kgabagare e tla nna jwa lefelo leo.
Ka baka la seno, Molao-tlamo ono o re naya mekgatlho e e farologaneng se segolo sa kafa metswedi ya taolo ya metsi mo go Kgaolo 7, 8, 9 le 10, mongwe le mongwe o na ya metsi e laolwang ka teng le ditiro tse di tlhomameng. mo lefelong la bone.
Mo nakong eno, Lephata leno le na le boikarabelo jwa go diragatsa dikarolo tsotlhe tsa Molao-tlamo ono mo boemong jwa Tona. Seabe sa Lephata leno se tla fetoga jaaka mekgatlho ya mafelo ya taolo ya metsi e tlhomiwa mme boikarabelo le taolo ya metswedi ya metsi di rolelwa mo go yone kgotsa e abelwa yone. Seabe sa Lephata leno kgabagare e tla nna go naya molawana wa morafe le thulaganyo ya go laola taolo ya metswedi ya metsi le go tlhomamisa gore mekgatlho e mengwe e dira ka tshwanelo.
Jaaka go bontshitswe mo Setshwantshong 3, Afrika Borwa e kgaogantswe ka Mafelo a Taolo ya Metsi a le 19. Mekgatlho ya Taolo ya Matamo e tla tlhokomela go laolwa ga metswedi ya metsi mo lefelong lengwe le lengwe. Mekgatlho ya Taolo ya Matamo gape e tla tsamaisa ditiro tsa badirisi ba metsi le mekgatlho e mengwe ya taolo ya metsi mo mafelong a bone. Molao-tlamo ono o tlhoka gore Mekgatlho ya Taolo ya Matamo e dire ditogamaano tsa go laola matamo mo mafelong a one.
Mekgatlho ya Taolo ya Matamo e tla tlhomiwa semolao ka tsamaiso e e tla nnang motsena-gare gareng ga yone le morafe. Tsamaiso eno e setse e simolotse mo Mafelong a Taolo ya Metsi a a 19. Mekgatlho ya Taolo ya Matamo e ka nna ya tlhomiwa go ya ka lefoko la Tona kgotsa ka gonne setlhopha sa batho ba lefelo la letamo leo ba dirile kakantsho e e yang kwa go Tona ba sena go buisana le batho ka botlalo. Kakantsho eno e tshwanetse go akaretsa, ka sekai, dintlha malebana le melelwane e Mokgatlho ono wa Taolo ya Matamo o tla sekeng o e tlole, tshedimosetso malebana le metswedi ya metsi, ditlamela-botshelo tse di leng teng, le badirisi ba metsi mo lefelong leo, le ditsela tsa kafa o tla laolwang ka teng le kafa Mokgatlho wa Taolo ya Matamo o o akantshiwang o tla ituelelang ka teng. Mokgatlho wa Taolo ya Matamo o tla simolola go dira fa Lekgotla le le Laolang le sena go tlhomiwa ke Tona. Maloko a Lekgotla le le Laolang a buelelwa ke Komiti ya Bogakolodi eo maloko a yone a kgethiwang ke badirisi ba metsi mo lefeleng la letamo leo.
Mekgatlho ya Badirisi ba Metsi ke ditlhopha ka bongwe tsa badirisi ba metsi bao ba batlang go dira ditiro tse di malebana le metsi mo mafelong a bone mo go tla ba solegelang molemo ka go lekalekana, ditiro tse di tshwanang le go nosetsa mo temong, kgotsa go laola boleng jwa metsi. E dira tumalanong le molao-theo o o tlhomilweng jaaka go kwadilwe mo dikaelong tse di kwadilweng ke Lephata leno. Go solofelwa gore ba tla itshegetsa ka madi a dituelo tsa tiriso ya metsi tseo di beilweng le go dirwa tumalanong le togamaanong ya peo-ditlhotlhwa mme di duelwa ke maloko a yone.
Makgotla a pele a go nosetsa a tla fetolwa go nna Mekgatlho ya Badirisi ba Metsi mo dingwageng tse pedi tse di latelang. Ka nako e e tshwanang, a ka nna ya atolosa mafelo ao ba dirang mo go one mme ba tshwanetse go tlhomamisa gore badirisi ba metsi botlhe mo mafelong a bone ba na le baemedi. Mekgatlho e Mesha ya Badirisi ba Metsi e ka nna ya tlhomiwa fa e tlhokega.
Dikomiti tsa bogakolodi, tseo di tlhomiwang ke Tona a di tlhomela boikaelelo jo bo rileng (ka sekai, go buelela maloko a Lekgotla le le Laolang la Mokgatlho wa Taolo ya Matamo).
Dikopano, tseo go sa buiweng ka tsone mo Molao-tlamong ono lefa go ntse jalo e le tse di thusitseng fela thata mo bolaoding jwa metswedi ya metsi ka go kgothaletsa banaleseabe go tsaya karolo.
Mekgatlho ya go dirwa ga ditlamela-botshelo, mo go tshwanang le go aga matamo le ditsamaiso tsa go fudusa metsi.
Mekgatlho ya taolo ya metsi jwa dinaga eo e tlhometsweng go laolwa ga dinoka tse re di tlhakanetseng le dinaga tse dingwe.
Lekgotla la Boatlhodi la Metsi, leo eleng setlhopha se se ikemetseng ka nosi se boitlhomo jwa sone e leng go utlwa le go atlhola boikuelo kgatlhanong le ditshwetso tsa batsamaisi tsa, gongwe, go abiwa ga metsi (Kgaolo 15 ya Molao-tlamo ono). Lekgotla la Boatlhodi la Metsi ke mokgatlho wa semolao. Le na le seabe sa botlhokwa sa go tlhomamisa gore Puso e dire ditshwetso tse di utlwalang tsa botsamaisi. Batho ba na le tshwanelo ya go ikuela go Lekgotla la Boatlhodi fa ba sa dumalane le tshwetso ya mokgatlho wa taolo ya metsi malebana le metsi.
Tlhokomela: Mekgatlho ya ditirelo tsa metsi e tlamela badirisi ba metsi ka metsi le phepafatso ya leswe mme e kafa tlase ga Molao-tlamo wa Ditirelo tsa Metsi wa 1997.
Go disa ke go tlhatlhoba ka metlha boleng jwa metsi le go elela ga noka, letamo, mogobe kgotsa motswedi o o kafa tlase. Tshedimosetso ya go disa e tswa mo ditsamaisong tsa tshedimosetso.
Balaodi ba metswedi ya metsi ga ba kake ba dira ditshwetso tse di siameng fa ba na le tshedimosetso e e phoso kgotsa e e tlhaelang. Gape re tshwanetse go tlhatlhoba ka metlha gore a re fitlhelela mekgele ya rona ya go dirisa metsi ka botlhale.
Lemororo Lephata leno ka metlha le nnile la disa metswedi ya metsi, Kgaolo 14 ya Molao-theo wa Naga wa Metsi jaanong o tlhoka semolao gore go tlhomiwe ditsamaiso tsa go disa le ditsamaiso tsa tshedimosetso tsa mefuto yotlhe ya metswedi ya metsi.
Togamaano ya Naga ya Motswedi wa Metsi e tla diragatsa ditlhokafalo tseno ka ditsela di le pedi: ka go oketsa kgolagano ya naga e e leng teng ya go disa le go dira le go tokafatsa ditsamaiso tsa tshedimosetso.
Lephata leno le setse le disa boleng jwa metsi mo nageng eno ka metlha, mo metsing a a fa godimo le a a kafa tlase, mme kgolagano e tlhoka go okediwa go disa dikarolo tse dingwe tse di tshwanang le ditshidinyana tse di bakang leswe, marang a motlakase le dilo tse di nang le botlhole. Go disa go sekaseka gore a badirisi ba metsi ka bongwe ba dira tumalanong le maemo a dilaesense tsa bone gape go tlhola gore a boleng jwa metswedi ya metsi bo nyalana le boitlhomo jwa boleng jwa motswedi oo jo bo tlhometsweng motswedi oo. Go tswa foo go tsewa dikgato tsa go siamisa, go akaretsa go sekisiwa fa go tlhokegang teng.
Lemororo Afrika Borwa e na le kgolagano e e siameng thata ya go disa boleng jwa metsi, re tla tlhoka go tokafatsa le go godisa kgolagano ya naga ya go disa go tsamaisana le ditlhokafalo tsa Molao-tlamo ono. Tsamaiso e e leng teng ya go phepafatsa le yone e tla tlhoka go godisiwa.
Mo nakong eno Lephata leno le tlhatlhoba ditsamaiso tsa lone tsa tshedimosetso. Mefuta ya tshedimosetso e e tlhokegang e akaretsa ya go elela ga metsi a a fa godimo, boleng le bogolo jwa metsi a a kafa tlase le tiriso ya metsi le ditetlelelo. Ditsamaiso tsa naga di tla rulaganngwa gore Mekgatlho ya Taolo ya Matamo, fa e sena go tlhomiwa, di sikare boikarabelo jwa taolo ya tshedimosetso mo mafelong a taolo ya metsi, gammogo le go kgona go bona tshedimosetso e e tswang mo mafelong a a gaufi. Ditsamaiso tse nne tse dikgolo tsa Lephata leno di dirisana le metsi a a fa godimo, metsi a a kafa tlase, boleng jwa metsi le ditetlelelo tsa bolaodi jwa tiriso ya metsi.
Tshedimosetso e e mo ditsamaisong tsa Lephata leno tsa tshedimosetso e ka bonwa ke mongwe le mongwe. Mo godimo ga moo, Molao-theo ono o tlhoka gore motho ope fela, yo o ka kopiwang ke Tona, a neye tshedimosetso e e ka thusang mo bolaoding le tshireletsong ya metswedi ya metsi. Go ka nna ga kwalwa melawana ka seno.
Boikarabelo jwa Lephata leno ke go laola merwalela, tshireletsego ya matamo, komelelo le kgotlelo, go akaretsa kgotlelo e e ka bakang malwetsi a a tshwanang le kholera. Merwalela e e bakwang ke pula e ntsi kgotsa go thubega ga letamo, komelelo le go kgotlelwa ga metsi mo go bakwang ke dilo tse di nang le botlhole le ditshidinyana le di-vaerase tse di bakang malwetsi, di ka nna le ditlamorago tse di kotsi.
Mo nakong e e fetileng, naga eno e ne ya dirisana le dikudumedi di setse di diragetse,, kgotsa ya dirisana le ditlamorago tsa tsone. Mo nakong e e tlang, go tla nniwa pudimatseba go laola dikudumedi go sireletsa batho mo dikudumeding tsa tlholego le mo dikudumeding tse di bakwang ke ditiro tsa bato, le go fokotsa ditlamorago tsa tsone.
Tsela eno ya go nna pudimatseba e tswa mo Molao-tlamong wa Taolo ya Dikudumedi tsa Naga o mosha o o tshwanetse go dumelelwa go dirisiwa ke Palamente ka 2002. Molao-tlamo ono o tlhalosa sentle gore naga eno e tshwanetse go ipaakanyetsa ka mo go oketsegileng go dirisana le dikudumedi. Gape o bolela gore re tshwanetse go fokotsa gore dikotsi tsa dikudumedi di diragale, re tshwanetse go fokotsa bomaswe jwa ditlamorago tsa tsone fa di diragala le gore re tshwanetse go fokotsa gore batho ba tlhaselesege motlhofo, segolo jang bahumanegi le ba ba tlhokileng thuso.
Lephata leno le tla nna motshwaragani mo Thulaganong ya Naga ya Taolo ya Dikudumedi eo e tla tlhomiwang mme boikarabelo jwa lone e tla nna go dira dikarolo tse di malebana le metsi. Ka baka la boikaelelo jono, Lephata leno ke lone le le tshwereng marago mo go direng ditshwantsho tse di tla bontshang mafelo a naga eno a a ka welwang motlhofo ke dikudumedi tsa tlholego. Lephata leno gape le sekaseka go tlhoma lephata le le tlhoafetseng la tshireletsego ya batho go dirisana le dikudumedi le dilo tsa tshoganyetso tse di ka diragalang mo bolaoding jwa metswedi ya metsi, ditirelo tsa metsi le dikgwa.
E setse e simolotse go dirisiwa, mme e tla tswelela kgato ka kgato mo e ka nnang dingwageng tse 20. Ka gonne ditiro tsa yone tse dintsi di le dikgolo e bile di raraane, thulaganyo e e akantshiwang eno ga se e e ka se fetogeng.
Thulaganyo eno e tla tlhatlhobiwa go ya ka boitemogelo jwa nako ya dingwaga tse tlhano tsa Tokololo ya Ntlha ya Togamaano Malebana le Metswedi ya Metsi, mme e tla baakanngwa morago ga dikakgelo tsa batho, mme e tla tlhatlhobiwa morago ga dingwaga dingwe le dingwe di le tlhano. Ditiro tsa go e dirisa di tlhalosiwa fa tlase fano.
Ditiro tsa taolo ya go diragadiwa le go tlhomiwa ke ditlhokafalo tse disha tsa Molao-tlamo tse di tsla diragadiwang gangwe fela. Di tlhomagantswe mo Tlhomaganyo 1 gammogo le dinako tse di tshwanetseng go dirwa ka tsone.
Tlhomaganyo 1. Nako ya ditiro tsa taolo ya go diragadiwa le go tlhomiwa. Dingwe tsa tsone di setse di simolotswe. Matlha a go solofelwang gore di tla bo di digetswe ka one le one a bontshitswe tlhomaganyong eno.
Lephata leno le sekasekile botlhokwa jwa go agiwa ga matamo a le mmalwa le, fa go tlhokega, ditlamelao-botshelo tse di tshwanang le mafelo a go pompa metsi, diphaepe le ditsamaiso tsa metsi, go lepalepana le ditlhokego tsa nako e e tlang (bona Tlhomaganyo 2). Madi otlhe a a fopholediwang a ditsamaiso tseno e ka nna R12 billion mo dingwageng tse 25 tse di latelang. Seno se akaretsa go fudusetsa metsi a oketsegileng mo tsamaisong ya Noka ya Vaal, a ba a isiwa kwa lefelong la Richards Bay, go ya go dirisetswa ditlhokego tse go akanngwang gore di tla nna teng le ditlhabololo.
Letamo la Vioolsdrif Orange Nosetso, tokafatso ya go dira ga Tsamaiso ya Noka ya Orange.
Letamo la Springgrove le mosele wa metsi Mooi Fudusetsa kwa tsamaisong ya Umgeni . Motse-setoropo, madirelo.
Ka 2010, Lephata leno le ikaelela gore le bo le feditse dipatlisiso tsa metsi a a tlhakanetsweng le dinaga tse dingwe le gore le bo le digetse ditumalano tsa semolao tsa go tlhoma mekgatlho ya dinaga ya taolo ya metsi go laola metsi ano.
Re ka seka ra fitlhelela ponelopele ya rona ya taolo ya metswedi ya metsi sentle ka bonako fela - Togamaano Malebana le Metswedi ya Metsi e bontsha tsela ya go tswelapele mo dingwageng tse di ka nnang 20 go ya go 25 tse di tlang. Re tla diragatsa dikarolo tsa ponelopele ya rona tse di kgonegang, kgato ka kgato ka nako e e rileng.
Go itshetlegile ka Ma-Afrika Borwa otlhe, bao ba direlang puso, bao ba leng mo makgotlenga taolo ya metsi le badirisi ba metsi botlhe, go tsaya karolo mo boitekong jono jwa naga otlhe. Ka jalo go akgela ga gago mo Togamaanong eno e e akantshiwang go botlhokwa.
O kgothalediwa go tsaya karolo mo go e le nngwe kgotsa go feta ya dikopano tse di tlhomaganntsweng fa tlase fano.
Dipokano tseno di tla naya banaleseabe tshedimosetso e e oketsegileng malebana le seo se tshwerweng ke Togamaano Malebana le Metswedi ya Metsi le seemo sa metsi sa jaanong le sa nako e e tlang mo Mafelong a Taolo ya Metsi a bone (WMA). Kwa dipokanong tseno, banaleseabe ba ka botsa dipotso mme ba/kgotsa ba akgela.
Kopano nngwe le nngwe ya go botsa morafe e tla nna le karolo e e bulegetseng mongwe le mongwe eo mo go yone badiri ba Lephata leno ba tla dirisang ditshwantsho go tlhalosa dikarolo tse di raraaneng tsa Togamaano eno ka tsela e e motlhofo le ka puo ya lefelo leo. Fa e le gore wena kgotsa ditsala/kgotsa baberiki le wena o ka batla go nna teng mo go nngwe ya dikopano tseno, tswee-tswee tlatsa foromo e e tsentsweng mono o bo o e busetse Public Consultation Office.
Tlhomaganyo 3. Thulaganyo ya Dikopano tsa go Bodiwa ga Batho tsa WMA.
<fn>STATS. MultilingualWordList.2010-11-09.tn.txt</fn>
<fn>Setswana 1st Language.txt</fn>
Buka e e arogantswe ka dikgaolo di le nne. Go botlhokwa gore mmuisi a buise a bo a lomaganye tshedimosetso go tswa mo dikarolong tse di farologaneng tsa tokomane e.
Kgaolo e, e tlhalosa metheo le diponagalo tsa kagego tsa Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso). E fa mmuisi matseno a kharikhulamo.
Kgaolo e, e naya tlhaloso, maitlhomo, boanamo, dikgolagano tsa dithuto, ditiro le Dipoelo tsa go Ithuta tsa Lekala la go Ithuta la Dipuo. E naya tshedimosetso e e baakanyetsang pegelo ya Dipuo.
Kgaolo e, e tsentse Maemo a Tekanyetso a Poelo nngwe le nngwe, ya go Ithuta ga mmogo le diteng le maemo a serutwa. Maemo a Tekanyetso a rulagantswe go thusa mmuisi go bona tsweletso e e ikaeletsweng go tloga mo Kereiting ya 10 go ya go Kereiti ya 12. Ka jalo Maemo a Tekanyetso a adilwe go anama ditsebe tse pedi. Kwa bofelong jwa kgaolo go diteng le maemo a go fitlhelela Maemo a Tekanyetso a a tshitsinngwang a a ka dirisiwang go ruta, go ithuta le go fitlhelela Maemo a Tekanyetso.
Kgaolo e e tshwaragane le ditsela tsa tekanyetso ka kakaretso tse di tlhagisiwang ke Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba. Kwa bofelong jwa kgaolo e go na le letlhomeso la Tlhaloso ya Bokgoni jwa thuto jwa serutwa se se totobaditsweng. Letlhomeso le na le khoutu, sekale le tlhaloso ya bokgoni ya kereiti nngwe le nngwe. Ditlhaloso tsa Bokgoni di rulagantswe ka tsela e e tla dirang gore mmuisi a kgone go bona tsweletso go tswa mo Kereiting ya10 go ya go ya 12.
Matshwao a a latelang a dirisiwa go bontsha Dipoelo tsa go Ithuta, Maemo a Tekanyetso, dikereiti, dikhoutu, dikale, Ditlhaloso tsa Bokgoni, diteng le bokao.
Kamogelo ya Molaotheo wa Rephapoliki ya Aferika Borwa (Molao 108 wa 1996) e neela motheo wa phetogo le kgodiso ya kharikhulamo mo Aferika Borwa.
aga motheo wa morafe mo temokerasing le kgololosego ya puso, e e ikaegileng ka keletso tsa batho e bile baagi botlhe ba a sireleditswe ke molao ka go lekalekana; le go aga Aferika Borwa yo o kopaneng wa temokerasi e bile a kgona go ikemela ka nosi mo ditphabeng tse dingwe.
Go ya ka molaotheo o, 'mongwe le mongwe o na le ditshwanelo tsa go tsweletsa thuto e puso e tshwanetseng go dira gore e fitlhelelwe ka botlalo'.
Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e aga motheo wa go atlegisa maikaelelo a, ka go tlhagisa Dipoelo tsa go Ithuta le Maemo a Tekanyetso, le ka go tlhalosa metheo tota ya boleng jo bo tshegeditseng kharikhulamo.
go fa thulaganyo ya kitso ya tlholego boleng; le ikanyego, boleng le nonofo.
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aferika Borwa o aga motheo wa phetogo ya loago mo setphabeng ka go baakanya ditlamorago tsa tlhaolele. Maitlhomo a setphaba sa Aferika Borwa ka go dirisa mekgwa e e rileng ya go lere diphetogo a tswa mo ditlhokegong tsa go siamisa ditshiamololo tse di tlhodilweng ke kgethololo mo mabakeng otlhe a setho, bogolo jang mo thutong. Thuto mo phetogong ya loago e ikaeletse go baakanya go sa lekalekaneng mo thutong mo nakong e e fetileng, go lebelelwe, le gore ditphono tse di lekalekanang tsa thuto di fiwa batho bothe. Go fitlhelela phetogo ya tshedisano, baagi ba Aferika Borwa ba tshwanetse go newa dithata tsa thuto ka go lemoga bokgoni jwa bona le go tlosa maparego a maitirelo go fitlhelela borutegi jo bo rileng.
Thuto ya dipoelo e aga motheo wa kharikhulamo ya Aferika Borwa. E leka go kgontsha baithuti botlhe go fitlhelela bokgoni jo bo kwa godimo jwa go ithuta ka go tlhoma Dipoelo tsa go Ithuta tse di tshwanetseng go fitlhelelwa kwa bofelong jwa tsamao ya thuto. Thuto ya Dipoelo e rotloetsa ditsela tsa thuto tse di itshetlegileng ka baithuti le tse di itshetlegileng ka ditiro. Pegelo ya Karikhulamo ya Bosetphaba e bopa Dipoelo tsa go Ithuta tsa yona tsa Dikereiti tsa 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) go tswa go Dipoelotsenelelo le Dipoelotlhabololo tse di tlhotlheleditsweng ke Molaotheo le go bopiwa ka tsamaiso ya temokerasi.
dirisa bonetetshi le thekenoloji ka nonofo le ka tsenelelo go supa maikarabelo mo tikologong le boitekanelong jwa ba batho bangwe; le go bontsha go tlhaloganya fa lefatshe e le ngata e le nngwe ya ditsamaiso tse di golaganeng le go lemoga gore tharabololo ya mathata ga e diragale ka bojosi.
tlhotlhomisa ditphono tsa thuto le tiro; le go godisa ditphono tsa kgwebopotlana.
Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Kereiti ya 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e ikaelela go godisetsa maemo a kitso le a bokgoni jwa moithuti kwa godimo. E baya maikaelelo a a kwa godimo a baithuti ba Aferika Borwa ba ka a fitlhelelang ka tshiamiso ya semorafe go lekwa gore batho bangwe bao ba neng mo nakong e e fetileng ba tlhoka kitso le bokgoni ba akarediwe. Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba e totobatsa maemo a bonnye jo bo tlhokagalang jwa kitso le bokgoni jo bo tshwanetseng go fitlhelelwa mo kereiting nngwe le nngwe, le go baya maemo a a fitlhelesegang a a kwa godimo mo dithutong tsotlhe.
Tsenyeletso e fitlhelelwa gotlhe mo dirutweng le mo mafapheng a go ithuta. Tsenyeletso ya kitso le bokgoni go akaretsa dirutwa le mafelo a thuto e botlhokwa mo go fitlheleleng bokgoni jwa go dira jaaka di tlhalosiwa mo Letlhomesong la Taolo ya Borutegi la Bosetphaba. Bokgoni jwa tiro bo ikaeletse go tswakanya mekgwa e le meraro ya bokgoni e e itlhaotseng - e bong, bokgoni jwa tiro ya diatla, motheo le jwa kakanyo. Ka go tsaya tsenyeletso le bokgoni jo bo dirisiwang, Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go ithuta ka kakaretso) e batla go godisa tsenyeletso ya go ithuta tiori, tiro ya diatla le kakanyo.
Tsweletso ke tsela ya go godisa go ya pele kitso e e boteng le bokgoni jo bo kwa godimo. Dipegelo tsa Dirutwa di bontsha tsweletso go tswa mo kereiting e e rileng go ya go e nngwe. Poelo ya go Ithuta nngwe le nngwe e latelwa ke pegelo e e itlhalosang ka ga maemo a go dira a a lebeletsweng ka Poelo ya go Ithuta. Maemo a Tekanyetso a rulagantswe ka mokgwa o o bontshang kgolo ya maemo a a oketsegang mo kereiting nngwe le nngwe. Diteng le maemo a kereiti nngwe le nngwe di tla bontsha tsweletso e e simololang e le bonolo mme e oketsege go nna marara.
Kamano e kaya botsalano gareng ga borutegi mo maemong kgotsa mo dikgatong tse di farologaneng tsa Letlhomeso la Taolo ya Borutegi la Bosetphaba ka ditsela tse di rotloetsang phitlhelelo go tswa mo boruteging jo bo rileng go ya go jo bongwe. Seno se botlhokwa thata mo borutigeng jo bo welang mo karolong e le nngwe ya dithuto tse di rileng. Ka ntlha ya gore sekgamu sa Thuto le Katiso e e Tswelelang se thaetswe fa gare ga dikgamu tsa Thuto le Katiso e e Akaretsang gammogo le Thuto ya Boemo-Godimo, go botlhokwa gore Lokwalo lwa Thuto le Katiso e e Tswelelang (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) le amane le Lokwalo lwa Thuto le Katiso e e Akaretsang le borutegi mo ditseleng tseo di tshwanang le tsa go ithuta tsa Thuto ya Boemo-Godimo. Go atlega mo go fitlheleleng kamano e, kgolo ya Pegelo ya Serutwa sengwe le sengwe e akareditse go leba ka tsenelelo, tebelelo ya boemo jo bo kwa godimo jwa fa baithuti ba fetela pele go tswa mo lokwalong boruteging jwa thuto le katiso, gammogo le kitso e go solofetsweng gore e tla bo e fitlheletswe ke baithuti fa ba fetela kwa ditheong tsa thuto e e kwa godimo.
Phetolelo ya dithuto e kaya go anama ga dikarolo tsa borutegi (serutwa kgotsa maemo a motheo) ka mo di ka fetisetswang go tswa go borutegi jo bongwe go ya go jo bongwe ka ditsela tse di farologaneng tsa go ithuta tsa kgato ya Letlhomeso la Taolo ya Borutegi la Bosetphaba. Mo maitlhomong a go oketsa phetolelo ya dithuto tse di bonweng mo dikereiting tsa 10 - 12 le mekgwa ya go tsaya serutwa jaaka maemo a motheo a yuniti ya dikerediti di le 20 a tlhotlhomisitswe. Ditiro tse di tsentsweng mo Pegelong ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti tsa 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) di bapisega le maemo a motheo a yuniti a a maleba a a kwadisitsweng mo Letlhomesong la Taolo ya Borutegi la Bosetphaba.
Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e batla go rotloetsa ditshwanelo tsa botho, boakaretsi, bosiamisi jwa loago le bosiamisi jwa tikologo. Dipegelo tsa Dithuto tsotlhe tse di bopilweng sepwa, di tsenyeleditswe le metheo le ditlwaelo tsa bosiamisi jwa loago le tikologo le ditshwanelo tsa botho jaaka di ranolwa mo Molaotheong wa Rephaboliki ya Aferika Borwa. Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e na le tshisimogo mo mabakeng a dipharologantsho jaaka botlhoki, go sa lekalekane, lotso, bong, puo, kgolo, bogole le mabaka a mangwe.
Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e tsaya mokgwa wa boakaretsi ka go totobatsa ditlhokego tsa bonnye jo bo lebeletsweng mo baithuting botlhe. E amogela gore baithuti botlhe ba ka kgona go gola le go fitlhelela bokgoni jo bo tletseng jwa bone fa e le gore ba tla neelwa tshegetso e e tlhokagalang. Ditlhokego tse tota e leng tsa botlhale, bomorafe, maikutlo, semowa le tsa mmele tsa baithuti di tla lebelelwa ka go aga le go godisa Manaanethuto a a maleba, le ka go dirisa didiriswa tse di maleba tsa go lekanyetsa.
Ka dingwaga tsa bo 1960 tiori ya botlhalebontsi e ne ya pateletsa boradithuto go lemoga gore go ditsela di le dintsi tsa go fetisa kitso gore o kgone go tlhaloganya tsa lefatshe, le gore, fa mongwe a tshwanela go tlhalosa botlhale sepwa, a tshwanetse go tsaya ditsela tse di farologaneng tse tsia. Go fitlha ka nako eo, ba mafatshe a a tlhabologileng pele ba ne ba tsaya gore bokgoni jwa go akanya, kitso ya dipalo, le bokgoni jo bo rileng jwa dipuo, le go kaya fa batho ba le "botlhale" fela fa ba itse go dirisa ditsela tse go na le boleng. Jaanong, batho ba lemoga dipharologano tse di anameng tsa thulaganyo ya kitso tse ka tsona batho ba tlisang tlhaloso ka tsona, le go golaganya bokao mo lefatsheng le ba tshelang mo go lona. Dithulaganyo tsa kitso ya tlholego mo maemong a Aferika Borwa, di kaya kitso e e tseneletseng mo kakanyong ya filosofi ya Aferika le ditiragatso tsa semorafe tse di nnileng teng mo dingwageng di le dikete tse di fetileng. Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e akareditse kakanyo ya Thulaganyo ya Kitso ya Tlholego mo teng ga Dipegelo tsa dirutwa. E amogela gore naga rona e humile ka ditiragalo le boswa jaaka di nnile le seabe mo go dingwao tse di tsentsweng mo Molaotheong. Dintlha di le dintsi tse di farologaneng di akareditswe mo go kgonagalang go thusa go rarabolola mathata a a ka tswang a le gone mo dirutweng tsotlhe.
Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e ikaelela go atlega mo ikanyegong ka go leka go fitlhelela lenaanetsamaiso la diphetogo le ka go neelana ka thuto e e bapisegang ka boleng, bophara le boteng le ya dinaga tse dingwe. Netefatso ya boleng e tshwanetse go diragatswa go ya ka ditlhokego tsa Molao wa Lekgotla la Taolo ya Borutegi la Aferika Borwa (Molao wa 58 wa 1995), Melawana ya Netefatso ya Boleng ya Thuto le Katiso, le Molao wa Netefatso ya Boleng ya Thuto le Katiso e e Tswelelang (Molao wa 58 wa 2001).
Selo se se leng botlhokwa thata mo kgolong ya rona jaaka batho, ke ditlwaelo tse di nayang bokao jwa semowa le botlhale mo loetong lwa botshelo.
Mofuta wa moithuti yo o lebeletsweng ke yo o tla tlhotlheletswang ka tsela e e siameng ka boleng le go dira go ya ka dikgatlhego tsa morafe, go ikaegilwe ka go tlotla temokerasi, tekatekanyo, tlotlo ya botho, le bosiamisi jwa loago jaaka di rotloediwa mo Molaotheong.
Moithuti yo o tswang mo sekgamung sa Thuto le Katiso e e Tswelelang o tshwanetse gore a bontshe le phitlhelelo ya Dipoelotsenelelo le Dipoelotlhabololo tse di kwadilweng pelenyana mo lokwalong lo. Dirutwa tsa Konôkonô, di rotloetsa phitlhelelo ya Dipoelotsenelelo le Dipoelotlhabololo ka kopanelo, fa dirutwa tse di rileng tsa dithuto tsa Motheo le tse di ikgethelwang nngwe le nngwe, e rotloetsa phitlhelelo ya Dipoelotsenelelo le Dipoelotlhabololo tse di rileng.
Barutabana botlhe le boradithuto ba bangwe ke baabi ba bagolo ba phetogo ya thuto mo Aferika Borwa. Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e batla barutabana ba ba nang le makwalo a go ruta, bokgoni, boineelo le tlhokomelo. Fa ba na le tsotlhe tse, ba tla kgona go diragatsa ditiro tsa mefuta tse di kwadilweng mo lokwalong lwa Phitlhelelo le Maemo a a amogelesegang a Boradithuto. Seno se akaretsa go nna batsereganyi ba thuto; bafetoledi le batlhami ba Manaane a go ithuta le didiriswa tsa go ruta le go ithuta, baeteledipele, batsamaisi le balaodi, baithuti, babatlisisi le barutwana ba leruri, baagi ba tikologo le baagi mo nageng, baruti, balekanyetsi ba dithuto le baitseanape ba dirutwa.
Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e na le Lokwalo lwa Tebokakaretso, Letlhomeso la Pholisi ya Borutegi le Tekanyetso le Dipegelo tsa Dirutwa.
Dirutwa tse di mo Pegelong ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) di arogantswe ka mafapha a go ithuta.
Lekala la go Ithuta ke eng?
Lekala la go Ithuta ke karolo e e dirang jaaka legae la dirutwa tse di tsamaelalang e bile e atlegisa go tlhangwa ga melao e e bopang Lokwalong lwa Thuto le Katiso e e Tswelelang (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso). Kgaoganyo ya makala a go Ithuta a Dikereiti 10 - 12 e ela tlhoko kamano ya sekgamu sa Thuto le Katiso e e le Akaretsang sa Thuto e Kgolo, mmogo le dikema tsa dikarologantsho mo dinageng tse dingwe.
Le fa go kwalwa ga Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e tsere mafapha a thulaganyo a le somepedi a Letlhomeso la taolo ya Borutegi la Bosetphaba jaaka ntlha ya yona ya tshimologo, go tshwanetse ga gatelelwa gore mafapha a, a thulaganyo a Letlhomeso la Borutegi la Bosetphaba ga se gore ke mafapha a go ithuta kgotsa mafapha a "kitso", mme fela a golagantswe le dikarologantsho tsa ditiro.
Bonetetshi jwa Tlhago, Dipalo, Khomputara, Bonetetshi jwa tsa Botshelo le Temothuo.
Serutwa ke eng?
Bogologolo serutwa se ne se tlhalosiwa e le karolo e e rileng ya 'kitso'ya botlhalefi. Kitso e ya serutwa e ne e gatelela go rutiwa ga kitso ya sengwe go na le thuto ka ga bokgoni, tshedisano le boitshwaro. Dirutwa di ne di lejwa ke bangwe jaaka dilo tse di sa fetogeng le go ema felo go le gongwe ka melelwane e e gagametseng. Go le gontsi, dirutwa di ne di gatelela bogolo kitso e e neng e abelwa ke ba mafatshe a Bophirima.
Mo kharikhulamong e e ikaegileng ka dipoelo jaaka Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso), melelwane ya dirutwa ga e bonale. Kitso e golaganya teori, bokgoni le boleng. Dirutwa di tsewa jaaka sengwe se se fetofetogang, le gore ka gale di tsibogela mefutafuta ya kitso, go akaretsa le kitso e bogologolo e neng e sa akaretswa mo kharikhulamong ya semmuso.
Serutwa mo kharikhulamong e e ikaegileng ka dipoelo, se tlhaloswa ka bophara ka Dipoelo tsa go Ithuta e seng fela ka diteng tsa sona. Mo a Aferika Borwa, Dipoelo tsa go Ithuta di tshwanetse, go ya ka popego ya tsone, go kgontsha katlego mo go fitlheleleng Dipoelotsenelelo le Dipoelotlhabololo. Dipoelo tsa go Ithuta di tlhalositswe ka botlalo e bile di ka diriswa ka mekgwa e e farologaneng, go neela tphono ya go akarediwa mo ditshwaelong tsa metlheng.
Poelo ya go Ithuta ke eng?
Poelo ya go Ithuta ke pegelo ya dipholo tse di ikaeletsweng tsa go ithuta le go ruta. E tlhalosa kitso, bokgoni le meetlo tse baithuti ba tshwanetseng go nna natso kwa bofelong jwa STKT.
Maemo a Tekanyetso ke eng?
Maemo a Tekanyetso ke ditlhokego tse mmogo di tlhalosang se moithuti a tshwanetseng go se itse le go kgona go se dira go supa phitlhelelo ya Dipoelo tsa go Ithuta mo kereiting e e rileng. Di tsentse kitso, bokgoni le meetlo e e tlhokegang go fitlhelela Dipoelo tsa go Ithuta. Maemo a Tekanyetso mo poelong nngwe le nngwe ya go Ithuta a supa tsotlhe, ka mo tsweletso ya go tlhaloganya e diragalang ka teng go tswa mo kereiting e e rileng go ya go e nngwe.
Pegelo ya Serutwa sengwe le sengwe mo Lekaleng la go Ithuta la Dipuo e na le dikgaolo di le nne le lenaanefoko la mareo.
Kgaolo 1, Kitsiso ya Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba: Kgaolo e, ya kakaretso e itsise Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso).
Kgaolo 2, Kitsiso ya Lekala la go Ithuta la Dipuo: Kgaolo e, e itsise diponagalo tsa botlhokwa tsa Lekala la go Ithuta la Dipuo. E na le tlhaloso ya serutwa, maitlhomo, boanamo, dikgolagano tsa thuto le ditiro le Dipoelo tsa go Ithuta tsa Dipuo.
Kgaolo 3, Dipoelo tsa go Ithuta, Maemo a Tekanyetso, Diteng le Bokao: Kgaolo e, e na le Dipoelo tsa go Ithuta le Maemo a Tekanyetso a a tsamaelanang le tsona mmogo le diteng le bokao go fitlhelela Maemo a Tekanyetso.
Kgaolo 4, Tekanyetso: Kgaolo e, e thadisa dintlha tsa motheo, tsa tekanyetso le go dira ditlhagiso ka go kwala le go bega ka tekanyetso. E rulagantse ditlhaloso tsa bokgoni tsa serutwa ka tatelano.
Lenaanefoko la mareo: Mo go leng maleba, go rulagantswe mareo a a tlhophilweng, a a akaretsang le a a leng maleba le dirutwa e bile a tlhalosiwa ka boripana mo kgaolong e.
Kaedi ya Lenaanethuto le tlhalosa ka botlalo boanamo jwa go ithuta le jwa tekanyetso mo dikereiting di le tharo tsa kgato ya Thuto le Katiso e e Tswelelang. Ke leano le le netefatsang gore baithuti ba atlega go fitlhelela Dipoelothuto jaaka di tlhaoletswe ke Maemo a Tekanyetso a kereiti e e rileng. Kaedi ya Lenaanethuto, le thusa barutabana le bakwadi ba bangwe ba manaane a go ithuta go aga le go tlhama thuto ya boleng jo bo kwa godimo jwa go ruta le go ithuta, gammogo le manaanetekanyetso.
Puo ke sediriswa sa kakanyo le tlhaeletsano. Ke ka puo go tlhagisiwang pharologano ya setso le kgolagano ya bomorafe le ka mo di tlhalosiwang le go tlhamiwa ka teng. Go ithuta go dirisa puo ka nonofo go kgontsha baithuti go nagana le go bona kitso, go itlhalosa, go tlhagisa maikutlo le dikakanyo, go dirisana mmogo le ba bangwe le go tlhaloganya tulo ya bona.
Ka ntlha ya pharologano ya puo le setso mo Aferika Borwa, baagi ba yona ba tshwanetse go tlhaeletsana go sena maparego mo puong , le go rotloetsa, go tlotla le go, tlhaloganya ditso le dipuo tse dingwe. Go farologana ga dipuo tse di buiwang mo nageng e go a tlotlwa e bile go newa boleng mo molaotheong ka go nna le dipuo tsa semmuso di le somenngwe le Pholisi ya Puo mo Thutong e e rotloetsang thuto ya dipuodintsi. Baithuti ba pateletsega go akaretsa bonnye, dipuo di le pedi tsa semmuso jaaka dirutwa tsa Konôkonô, dipuo tse dingwe di ka tsewa jaaka karolo ya Motheo le/kgotsa ya tse di ikgethelwang.
Mo sekgamung sa Thuto le Katiso e e Tswelelang kitso e e tseneletseng ya puo ya gae ya baithuti e a godisiwa mme e fa ka motheo wa go ithuta dipuo tsa tlaleletso. Ka nako ya fa baithuti ba fitlha mo Kereiting ya 10, ba tla bo ba itemogetse le go tlhotlhomisa dipuo tsa tlaleletso mme ba tla bo ba setse ba dirisitse dipuo tsa tlaleletso go ithuta. Mo sekgamung sa Thuto le Katiso e e Tswelelang kharikhulamo e naya baithuti ditphono tsa go matlafatsa le go godisa kgono ya bokgoni jwa dipuo tse dintsi. Mo tsamaong ya go ithuta, baithuti ba lebeletswe go dirisa puo ka thelelo, bokgoni le ka nepagalo mo maemong a mantsi a a farologaneng. Ba tsaya maikarabelo a magolo mo go ithuteng ga bona le go dirisa bokgoni jwa puo mo ditseleng tse di gwetlhang le tse di marara.
Mefuta e e tlhokegang ya dilitheresi tse di farologaneng, e e kgontshang go tsaya karolo ka nonofo mo setphabeng le mo mafelong o madirelo mo ekonoming ya lefatshe lotlhe ya ngwagakgolo wa some a mabedi le bongwe , e godile go gaisa go reetsa le go bua, puiso, go kwala ditlhangwa tsa segologolo go akaretsa, ditsela tse di farologaneng jaaka mefuta ya tlhaeletsano, kerafo, tshedimosetso, khomputara, setso le litheresi e e tseneletseng. Kharikhulamo ya Dipuo e baakanyetsa baithuti dikgwetlho tse ba tla rakanang le tsona jaaka baagi ba Aferika Borwa le maloko a baagi ba lefatshe ka kakaretso.
Atolosa le go totobatsa bokgoni jwa puo jo bo agilweng mo sekgamung sa Thuto le Katiso e Akaretsang, go akaretsa bokgoni jwa puo ya kgopolo e e tlhokagalang mo thutong ya botlhalefi mo kharikhulamong yotlhe, le temogo ya bontle le go itumelela ditlhangwa gore ba tle ba kgone go reetsa, bua, buisa/lebelela le go kwala/tlhagisa ka go itshepa. Bokgoni jono le maikutlo a motho ka sengwe/mongwe di bopa motheo wa thuto ya leruri.
Dirisa puo ka tshwanelo mo maemong a gale a botshelo le go tsaya tsia bareetsi, maitlhomo le bokao.
Itlhalosa le go netefatsa dikakanyo tsa bona, ditebo le maikutlo ka go itshepa, go ikemela le go nna batho ba ba naganang ka tsenelelo.
Dirisa puo le boikakanyetsi jwa bona go emela le go tlhotlhomisa maitemogelo a botho. Ka go mekamekana le mefuta e mentsi e e farologaneng ya ditlhangwa, baithuti ba kgona go akanya ka botshelo le maitemogelo a bona le go nna le dikakanyo tse di farologaneng mo botshelong.
Dirisa puo go fitlhelela le go laola tshedimosetso e le go ithuta mo kharikhulamong yotlhe le mo bokaong jo bontsi jo bo farologaneng. Litheresi ya tshedimosetso ke bokgoni jo bo botlhokwa mo 'dingwageng tsa boamogelakitso' le go bopa motheo wa thuto ya leruri.
Dirisa puo jaaka sediriswa sa go akanya ka tsenelelo le ka boitlhamedi. Maitlhomo a, a lemoga gore kitso e bopiwa mo loagong ka botselaganyi gareng ga puo le boakanyi.
Tlhagisa dikakanyo tse di akantsweng sentle ka dintlha tsa dingwao le meetlo. Go aga meetlo ya bona, baithuti ba mekamekana le ditlhangwa tse di amang ditshwanelo tsa botho le maikarabelo jaaka ditshwanelo tsa bana, basadi, digole, batsofe le dintlha tse di amanang le bomorafe, setso, kakanyo e e rileng, maemo, ditumelo, bong, lebolelateng le mogare wa lebolelateng, kgololosego ya puo, tlhatlhobo ya ditlhangwa le tikologo.
Mekamekana ka tsenelelo le mefuta e mentsi e e farologaneng ya ditlhangwa. Baithuti ba tla lemoga le go gwetlha dikakanyo tsa batho ba bangwe, meetlo le tlhotlheletso ya maemo a motho tse di fitlhelwang mo ditlhangweng.
Lemoga go sa lekalekaneng ka maemo ga mefuta e e farologaneng ya dipuo le ditiriso tse di farologaneng tsa dipuo. Baithuti ba tla kgona go gwetlha tiriso ya puo e le nngwe e e rileng go gaisa tse dingwe le go dirisa ditshwanelo tsa bona tsa puo mo boaging jwa fa go buiwang dipuo di le dintsi.
Go ruta le go lekanyetsa dipuo go tshwanetse go neela tphono ya boakaretsi jwa baithuti botlhe, mme ditsela tsa go thusa baithuti botlhe di tshwanetse go bonwa di fitlhelela kgotsa di tlhagisa ditlhangwa tsa puo. Baithuti bangwe ba ba itemogelang dikgoreletsi ba ka se kgone go fitlhelela Maemo a Tekanyetso mangwe jaaka a neetswe mo Pegelong ya Kharikhulamo ya Bosetphaba.
Mareo, 'tlhalosa', 'anela', 'bua ka ga', boeletsa',' kwalolola ka mafoko a gago', 'bua', 'botsa' le 'tlotla' a tshwanetse go tlhaloganngwa jaaka a akaretsa mefuta ya tlhaeletsano ya molomo le eo e seng ya molomo, go akaretswa le tlhaeletsano ya matsogo le didiriswa tsa tlhaeletsano. Lefoko 'tlhaeletsano ya molomo' le akaretsa tlhaeletsano ya matsogo le didiriswa tsa tlhaeletsano. Fela jalo, lefoko 'puo ya molomo' le akaretsa tlhaeletsano ya matsogo le mefuta mengwe ya tlhaeletsano.
Mareo 'reetsa', 'leba', 'buisa'le go 'lebelela', a akaretsa mefuta ya tlhaeletsano e e jaaka go lebelela dipounama fa mongwe a bua le go lebelela ka tlhokomelo puo ya matsogo.
Baithuti ba ba nang le kgolofalo ya pono ba ka tlhoka didiriswa le dikwalo jaaka Boreili, digatisamantswe, mokwalo o mogolo, didiriswa tse di ka angwang, le ditshwantsho tse di takilweng. Lereo 'bona' le ka tlhaloswa ka go diragatswa. Fa go twe 'buisa' go akaretswa metswedi e e jaaka Boreili le dibuka tse di buang.
Dipegelo tsa Dirutwa tsa Puo ya Gae, Puotlaleletso ya Ntlha le Puotlaleletso ya Bobedi di ka fetolelwa mo dipuong tse di amogetsweng tsa seeng mme dipuo tse di ka rutwa mo dikarolong tsa Motheo kgotsa tse di ikgethelwang tsa Kharikhulamo.
Puo ya Gae: Puo ya gae ya moithuti e tshwanetse go matlafatswa le go godisiwa go mo naya motheo o o tiileng wa go ka ithuta dipuo tsa tlaleletso. Mo sekgamung sa Thuto le Katiso, e e Tswelelang dipuo tsotlhe tsa semmuso tsa Aferika Borwa di na le Dipoelo tsa go Ithuta tsa Puo ya Gae tsa boleng jo bo ka lekalekanngwang le jwa dithuto lefatsheng lotlhe. Seno se tsamaelana le ditlhokego tsa Molaotheo tsa go tsaya dipuo tsotlhe ka maemo a a lekanang. Kgato ya go tlhaloganya puo ya gae e tshwanetse go nna mo maemong a e leng gore e ka dirisiwa jaaka puo ya go ruta le go ithuta. Bokgoni ba go reetsa le go bua bo ka godisetswa pele le go tokafadiwa, fela kgatelelo mo legatong le, e tla nna mo go godiseng bokgoni jwa go buisa le go kwala.
Puotlaleletso ya Ntlha: Go ithuta Puotlaleletso ya Ntlha, go tla rotloetsa tiriso ya dipuodintsi le tlhaeletsano mo gareg ga ditso. Dipoelo tsa go Ithuta tsa Puotlaleletso ya Ntlha di na le dikgato tsa bokgeleke jwa go dirisa dipuo jo bo fitlhelelang dikgato tsotlhe tse di tlhokegang go ithuta ka tsenelelo mo kharikhulamong yotlhe bogolo jang ka baithuti ba ka ithuta ka yone ka go e dirisa mo nageng ya rona. Seno se akaretsa bokgoni jwa tlhaloganyo ya kgopolo le ya botlhalefi mo dipuong tse di tlhokagalang mo go akanyeng le go ithuteng. Seno se akaretsa dipuo tsotlhe tsa semmuso. Go tla gatelelwa ka tekano bokgoni jwa go reetsa, go bua, go buisa le go kwala.
Puotlaleletso ya Bobedi: Go ithuta Puotlaleletso ya Bobedi, go tsweletsa pele thotloetso ya tiriso ya dipuodintsi le tlhaeletsano ya mo ditsong tsotlhe ka go farologana. Le fa bokgoni ba go buisa le go kwala bo tla godisiwa, mo legatong le, kgatelelo e tla nna thata mo kgodisong ya bokgoni jwa go reetsa le go bua. Legato la Puotlaleletso ya Bobedi le tshwanetse go tota tokafatso ya tlhaeletsano magareng ga batho.
Mo karolong ya dirutwa tsa Konôkonô tsa sekgamu sa Thuto le Katiso e e Tswelelang, baithuti botlhe ba tshwanetse go ithuta dipuo di le pedi tsa semmuso, ya ntlha e nne mo legatong la Puo ya Gae, fa e nngwe e le mo legatong la Puotlaleletso ya Ntlha kgotsa Puo ya Gae. E nngwe ya dipuo tse, mo karolong ya dirutwa tsa Konôkonô, e nne Puo ya go ruta le go ithuta. Mo karolong ya dirutwa tsa Motheo le tse di ikgethelwang, dipuo tsa semmuso dipuo di ka ithutiwa jaaka Puo ya Gae, Puotlaleletso ya Ntlha le/kgotsa Puotlaleletso ya Bobedi mo baithuting ba ba nang le kgatlhego e e rileng mo dipuong go tsweletsa pele go ithuta dipuo dintsi.
bokgoni jwa puo jwa go reetsa, go bua, go buisa le go kwala ke motheo mo kgodisong ya Dipoelo tsa go Ithuta; le tiriso ya mefuta e mentsi e e farologaneng ya ditlhangwa e letla baithuti go tlhatlhoba dintlha tsa bona, tsa setphaba le tsa lefatshe lotlhe ka kakaretso le go aga kitso e e golang ya mo lefatsheng.
Go ithuta dipuo go ka lebisa kwa ditirong tse di ikaegileng ka puo jaaka bokwadi jwa dikgang, phetolelo, thutapuo, thekiso, bobapatsi, thuto ya bogolaganyi jwa tsa matlhale jj. Le fa go le jalo, go totobetse gore dipuo ke motheo wa go ithuta, e seng fela mo botshelong jwa ka metlha, le kwa madirelong. Go nna le kgolo mo kgwebong, go ikaegile ka bokgoni jo moithuti a nang le jona mo puong. Mo lefatsheng le le tletseng kgwetlho e e kwa godimo ya thekenoloji, gore moithuti a fitlhelele sengwe, go ikaegile ka bokgoni jwa gagwe jwa tlhaeletsano. Puo ke senotlele sa gotlhe. Fa puo e sa rutiwa sentle ditsela di le dintsi tsa moithuti di ka tswalega.
Bokgoni jwa go buisa go kwala le go tlhaeletsana ke motheo wa go kgontsha moithuti go feleletsa ditiro tsa ka metlha, le go nna le seabe mo dithutong tsa botshelo tse moithuti a di tlhokang go ka mekamekana le botshelo. Puo ke sediriswa se se ka thusang moithuti mo tsweletsong ya botsalano le batho ba ba leng mo tikologong e a leng mo go yona. Tshisimogo e puo e dirisiwang ka yone, e tlisa katlego kgotsa thetelelo ya go dira botsalano gantsi mo bathong.
Boanamo le maitlhomo tse di umakilweng fa godimo di kgobokantswe mo Dipoelong tsa go Ithuta di le nne. Le fa Dipoelo tseno tsa go Ithuta di kgaogantswe, nngwe le nngwe e ikemetse ka boyone di tshwanetse go rutwa le go lekanyetswa mmogo.
Moithuti o kgona go reetsa le go bua ka maitlhomo a a farologaneng go baamogedi ba tshedimosetso le mo bokaong jo bo farologaneng.
Baithuti ba tlhaloganya gore go bua le go reetsa ke ditiro tse di tlwaelegileng mo botshelong jwa ka gale tse di diragalang mo maemong a a rileng le mo maitlhomong le mo baamogeding ba tshedimosetso ba ba farologaneng, le gore mefuta ya ditlhangwa tsa molomo le tirisopuo e e maleba di a farologana. Ba lemoga le go dirisa ditlhangwa tse di maleba tsa molomo le tirisopuo mo maemong a semmuso le a e seng a semmuso.
Go reetsa le go bua ke pinagare ya dirutwa tsotlhe. Ka ditsela tse di nonofileng tsa go reetsa le go bua, baithuti ba kgobokanya le go tlhotlha tshedimosetso mmogo, aga kitso, rarabolola mathata le go tlhagisa dikakanyo le dintlhakemo. Bokgoni jwa go reetsa ka tsenelelo go kgontsha baithuti go lemoga meetlo le maikutlo ka sengwe/mongwe tse di fitlhelwang mo ditlhangweng le go gwetlha go tsaya letlhakore le puo ya go tlhotlheletsa ka botlhale.
Moithuti o kgona go buisa le go lebelela, go tlhaloganya le go tlhatlhoba ka tsenelelo mme a tsibogela mefuta e mentsi e e farologaneng ya ditlhangwa.
Bokgoni jo bo agegileng sentle jwa go buisa le go lebelela ke pinagare mo tsweletsong ya go ithuta mo kharikhulamong ka bophara le go tsaya karolo ka botlalo mo botshelong jwa ka gale le kwa ditirong. Baithuti ba ikgodisa mo bokgoning jwa go buisa le go lebelela mefuta e mentsi e e farologaneng ya dintlhangwa , tse di kwa wang le tse di sa kwalweng go akaretswa tse di bonwang le tsa tshedimosetso. Baithuti ba lemoga ka mo dikwalo le mekgwa ya go dirisa puo di bontshang maitlhomo, baamogedi ba tshedimosetso le maemo a setlhangwa ka teng.
Baithuti ba dirisa mefuta e e farologaneng ya ditsela tsa go buisa le go lebelela go ikaegilwe ka maitlhomo a bona a go buisa le mofuta wa setlhangwa. Ba aga bokao go tswa mo ditlhangweng, lemoga meetlo le go itlhoma mme ba tsibogela ka tshwanelo. Ka go buisa le go lebelela baithuti ba batlisisa le go tsaya tshwetso ka botsalano jwa seemo sa bona le batho bangwe. Puiso ya ditlhangwa tse di kwadilweng e neela boithuti dikao tse ba ka di dirisang fa ba ikwalela.
Moithuti o kgona go kwala le go tlhagisa mo mefuteng e mentsi e e farologaneng ya maitlhomo le go baamogedi ba tshedimosetso a dirisa melawana le dipopego tse di maleba mo bokaong jo bo farologaneng.
Go kwala ke sediriswa se segolo sa go tlhaeletsana o o dumelelang mokwadi go bopa le go tlhaeletsa mogopolo le dikakanyo ka tomagano. Go kwala kgapetsakgapetsa mo maemong, ditiro le mafapha a dirutwa a a farologaneng go kgontsha baithuti go tlhaeletsana ka mokgwa wa tirisano le wa boitlhamedi. Maitlhomo ke go tlhagisa bakwadi ba ba nonofileng, le ba ba kgonang go fetoga bonolo, bao ba tla kgonang go dirisa bokgoni jwa bona go bopa ditlhangwa tse di maleba tse di kwadilweng, bonwang le tsa ditlhangwa tse di dirisang ditsela tsa tlhaeletsano tse di farologaneng mo maitlhomong a a farologaneng.
Moithuti o kgona go dirisa dipopi le melawana ya tiriso ya puo ka tsela e e maleba le ka nonofo.
Ka go dirisa ditlhangwa tse di farologaneng kitso ya baithuti ya tlotlontswe e a oketsega le go tlhaloganya popegopuo mme ba di dirise ka tshwanelo. Baithuti ba nna le maitemogelo a a tseneletseng a ka fao meetlo le tlhotlheletso ya maemo a motho di ageletsweng mo puong ka teng gammogo le gore puo e ka dirisiwa jang go susumetsa batho.
Moithuti o kgona go reetsa le go bua ka maitlhomo tlhaeletsano ya molomo e e dirisiwang go a a farologaneng, go baamogedi ba tshedimosetso tlhaeletsana le batho ba bangwe: le bokaong jo bo farologaneng.
tsamaisa dipotsolotso tse di tlhamaletseng le go bega ka diphitlhelelo mo go leng maleba.
dirisa bokgoni jwa dipotsotherisano le go bega ka diphitlhelelo mo go leng maleba.
dirisa bokgoni jwa dipotsotherisano le go bega ka diphitlhelelo mo go leng maleba.
bontsha bokgoni jwa go rulaganya le go batlisisa ka maitlhomo a go dira ditlhagiso tsa Moithuti o kgona go reetsa le go bua ka maitlhomo molomo: a a farologaneng, go baamogedi ba tshedimosetso le mo bokaong jo bo farologaneng.
akaretsa didiriswa tse di bonwang le tsa ponokutlo jaaka ditphate, diphousetara, dinepe, diselaete, dikgopolo, ditshwantsho mmino, medumo le tlhaeletsno tsa eleketeroniki tse di maleba.
akaretsa didiriswa tse di bonwang, utlwelelwang le tsa kutlopono, jaaka ditphate, diphousetara, dinepe, diselaete, ditshwantsho, mmino, medumo le tlhaeletsano tsa eleketeroniki tse di maleba.
akaretsa didiriswa tse di bonwang, utlwelelwang le tsa ponokutlo, jaaka ditphate, diphousetara, dinepe, diselaete, ditshwantsho, mmino, medumo le tlhaeletsano tsa eleketeroniki tse di maleba.
bontsha bokgoni jwa go reetsa le go neela ditlhagiso tsa molomo ka thelelo le ka Moithuti o kgona go reetsa le go bua ka maitlhomo maikutlo: a a farologaneng, go baamogedi ba tshedimosetso dirisa didiriswa tsa puo ka maano a le mo bokaong jo bo farologaneng.
reetsa ka tsenelelo le go tsibogela dipotso go tlhalosa tse di sa tlhaloganyegang sentle.
reetsa ka tsenelelo le go tsibogela dipotso go tlhalosa tse di sa tlhaloganyegang sentle.
reetsa ka tsenelelo le go tsibogela dipotso go tlhalosa tse di sa tlhaloganyegang sentle.
bontsha temogo e e tseneletseng ya tiriso ya puo mo mabakeng a ditlhagiso tsa molomo: Moithuti o kgona go reetsa le go bua ka maitlhomo dirisa setaele le mekgwa e e maleba ya go a a farologaneng, go baamogedi ba tshedimosetso dirisa puo go ya ka maitlhomo, baamogedi le mo bokaong jo bo farologaneng.
lemoga le go gwetlha puo ya maikutlo a a lemosegang le a tlhotlheletso, a tsaya letlhakore, go fetsa mogopolo ka sengwe/mongwe le go naganela ntlheng e le nngwe jaaka go gasagasa kgang le go phasalatsa.
lemoga le go gwetlha puo e ya maikutlo le ya tlhotlheletso, go tsaya letlhakore, go fetsa mogopolo ka sengwe/mongwe le go naganela ntlheng e le nngwe jaaka go gasagasa kgang le go phasalatsa, tse di mo pontsheng.
lemoga le go gwetlha puo ya maikutlo le ya tlhotlheletso, go tsaya letlhakore, go fetsa mogopolo ka sengwe/mongwe le go naganela ntlheng e le nngwe jaaka go gasagasa kgang le go phasalatsa.
Moithuti o kgona go buisa le go lebelela, go le go lebelela gore a kgone go tlhaloganya le gotlhaloganya le go tlhatlhoba ka tsenelelo mme a bontsha kgatlhego: tsibogela mefuta e mentsi e e farologaneng ya botsa dipotso go dira diponelopele tse diditlhangwa.
buisa gape, lebelela gape, boeletsa go tlhotlheletsa go tlhaloganya.
buisa gape, lebelela gape, boeletsa go tlhotlheletsa go tlhaloganya.
buisa gape, lebelela gape, boeletsa go tlhotlheletsa go tlhaloganya.
neela le go tshegetsa tsibogo ya gagwe mo ditlhangweng.
neela le go tshegetsa tsibogo ya gagwe mo ditlhangweng.
neela le go tshegetsa tsibogo ya gagwe mo ditlhangweng ka go tlhotlheletsa gore go dumalanwe le ena.
tlhaloganya le go tlhatlhoba ka tsenelelo mme a lemoga meetlo ya setso le loago, sepolotiki, tsibogela mefuta e mentsi e e farologaneng ya maikutlo le ditumelo jaaka maikutlo ka ditlhangwa.
lemoga mokgwa wa go tsaya letlhakore, go fetsa mogopolo ka sengwe/mongwe le go kgetholola.
lemoga le go tlhalosa mokgwa wa go tsaya letlhakore, go fetsa mogopolo ka sengwe/mongwe le go kgetholola.
lemoga le go tlhalosa mokgwa wa go tsaya letlhakore, go fetsa mogopolo ka sengwe/mongwe le go kgetholola.
Moithuti o kgona go buisa le go lebelela, go bokaong (diponagalo tse, ga di a tshwanela gotlhaloganya le go tlhatlhoba ka tsenelelo mme a sekasekwa di ikemetse ka bojosi):tsibogela mefuta e mentsi e e farologaneng yaditlhangwa.
lemoga le go tlhalosa ka thuso ya mongwe, seabe sa methalethale ya mokwalo-tlanyo, ditlhogo le mafoko a a tlhalosang ditiragalo.
tlhalosa maikutlo, nako le bokhutlo.
lemoga le go tlhalosa seabe sa methalethale ya mekwalotlanyo, ditlhogo le mafoko a a tlhalosang ditshwantsho kgotsa dithadiso.
tlhalosa maikutlo, nako, kobiso le bokhutlo.
lemoga le go tlhalosa seabe sa ditsela (dithekeniki) tse di jaaka go dirisa popego le bogolo jwa mokwalo, ditlhogo le ditlhogwana.
ranola maikutlo, nako, kobiso le bokhutlo.
tlhalosa ka mo tlhopho ya mafoko, Moithuti o kgona go buisa le go lebelela, go botshwantshi, le medumo di tlhaloganya le go tlhatlhoba ka tsenelelo mme a tlhotlheletsang maikutlo, bokao le tsibogela mefuta e mentsi e e farologaneng ya thitokgang ka teng; ditlhangwa.
lemoga ka mo mela le popego ya ditemana, morumo, moribo, matshwao a puiso, di tlhotlheletsang bokao ka teng.
lemoga tiriso ya dipopego tsa terama le bokaedi jwa serala.
lemoga tiriso ya didiriswa tse di bonwang tse di utlwelelwang le tsa ponokutlo jaaka tiriso ya mmala, setlhogwana, puisano, mmino, modumo, tiriso ya dipone, go tlhotlha diphoso, go beela lonao, mokgwa wa go tsaya ditshwantsho, bokgoni jwa go tsamaisa khemera botlhagisipele jwa setshwantsho le lomorago lwa sone.
lemoga ka mo mela le popego ya ditemana, morumo, moribo, matshwao a puiso, di tlhotlheletsang bokao ka teng.
tlhalosa dipopego tsa terama le bokaedi jwa serala.
tlhalosa mosola wa go dirisa bobegi ka di tiriso ya tsedi bonwang, tse di utlwelelwang le tsa ponokutlo jaaka tiriso ya mmala, setlhogwana, puisano, mmino, modumo, dipone, go tlhotlha diphoso, go beela lonao, mokgwa wa go tsaya ditshwantsho, tlhamo, bokgoni jwa go tsaya ditshwantsho, go tsamaisa khemera, botlhagisipele jwa setshwantsho le lomorago lwa sone.
tlhalosa ka mo mela le dipopego ya ditemana, morumo, moribo, matshwao a puiso, di tlhatlheletsang bokao ka teng.
tlhalosa le go ranola dipopego tsa terama le bokaedi jwa serala.
tlhalosa mosola wa go dirisa bobegi ka tiriso ya tse di bonwang, tse di utlwelelwang le tsa ponokutlo jaaka tiriso ya mmala, puisano, mmino, modumo, tiriso ya dipone, go tlhotlha diphoso, go beela lonao mokgwa wa go tsaya ditshwantsho, tlhamo, bokgoni jwa go tsaya ditshwantsho, bokgoni jwa go tsamaisa khemera, botlhagisipele jwa setshwantsho le lomolago lwa sone.
Moithuti o kgona go kwala le go tlhagisa mo maitlhomo a a rileng, baamogedi ba mefuteng e e mentsi e e farologaneng ya maitlhomo tshedimosetso le bokao jo bo rileng: le go baamogedi ba tshedimosetso a dirisa tlhalosa ditlhokego tsa mefuta ya ditiro tse di melawana le dipopego tse di maleba mo bokaong jo farologaneng; bo farologaneng.
dirisa didiriswa dingwe tsa pono le tse di itlhametsweng tse di tlhophilweng ka tshwanelo.
dirisa mefuta ya didiriswa tsa pono le tse di itlhametsweng tse di tlhophilweng ka tshwanelo.
dirisa mefuta e mentsi e e farologaneng ya didiriswa tsa pono le tse di itlhametsweng tse di tlhophilweng ka tshwanelo.
dirisa makopanyi, dithuanyi, maemedi, matlhalosi go lomaganya dikakanyo.
dirisa makopanyi, dithuanyi, maemedi, matlhalosi go lomaganya dikakanyo.
dirisa makopanyi, dithuanyi, maemedi, matlhalosi go lomaganya dikakanyo.
tlhagisa setlhangwa se se feletseng go tlhokometswe setaele se se maleba sa tlhagiso jaaka setlhangwa se se senang diphoso kgotsa phousetara ya mebalabala e ntle e e ngokang.
tlhagisa setlhangwa se se feletseng go tlhokometswe setaele se se maleba jaaka tlhagiso ya setlhangwa se se senang diphoso kgotsa phousetara e ntle e e ngokang.
tlhagisa setlhangwa se se feletseng go tlhokometswe setaele se se maleba jaaka tlhagiso ya setlhangwa se se senang diphoso kgotsa phousetara e ntle e e ngokang.
Moithuti o kgona go dirisa dipopi le melawana ya dirisiwa ka nepagalo mo mefuteng e e tiriso ya puo ka tsela e e maleba le ka nonofo.
dirisa lefoko le le lengwe boemong jwa polelwana le mefuta e e farologaneng ya makaelagongwe, le malatodi a a tlwaelegileng ka nepagalo.
dirisa lefoko le le lengwe boemong jwa polelwana le mefuta ya makaelagongwe le malatodi, ka nepagalo.
dirisa lefoko le le lengwe boemong jwa polelwana le mefuta ya makaelagongwe le malatodi ka nepagalo.
tiriso ya puo ka tsela e e maleba le ka nonofo.
Moithuti o kgona go dirisa dipopi le melawana ya tiriso ya puo ka tsela e e maleba le ka nonofo.
fetolela dipolelo tse di khutshwane go tswa mo puong e e lebeletsweng go ya mo puong ya gae fela jalo go ya ka puo e e tshwanetseng go ranolwa.
fetolela dipolelo go tswa mo puong e e lebilweng go ya go puo ya gae fela jalo go ya ka puo e e tshwanetseng go ranolwa.
fetolela ditemana tse dikhutshwane go tswa mo puong e e lebilweng go ya go puo ya gae fela jalo go ya ka puo e e tshwanetseng go ranolwa.
lemoga tlhagiso ya bokao jwa nnete le jwa Moithuti o kgona go dirisa dipopi le melawana ya botshwantshi; tiriso ya puo ka tsela e e maleba le ka nonofo.
lemoga le go emelelana le kgobelelo/go tsaya letlhakore, go nanganela ntlheng e le nngwe, kokomogo ya maikutlo le puo e e tlhotlheletsang le e e digelang ka e dirisa bokao bosele go itlhalosa.
lemoga le go emelelana le kgobelelo/go tsaya letlhakore, go naganela ntlheng e le nngwe, kokomogo ya maikutlo, puo e e tlhotlheletsang le e e digelang ka a dirisa bokao bosele go itlhalosa.
lemoga le go emelalana le kgobelelo/go tsaya letlhakore go go kunameng, go naganela ntlheng e le nngwe, kokomogo ya maikutlo, puo e e tlhotlheletsang le e e digelang ka a dirisa bokao bosele go itlhalosa.
Mo karolong e, diteng le bokao di neetswe go tshegetsa phitlhelelo ya Maemo a Tekanyetso. Diteng tse di supilweng di tlhoka gore di dirwe ka mokgwa o di ka thusang baithuti go tswelela go ya kwa phitlhelelong ya Poelo ya go Ithuta. Diteng di tshwanetse go thusa Dipoelo tsa go Ithuta mme ga di a tshwanela go iphetsa di le tsosi. Bokao jo bo tlhagisitsweng bo ka thusa gore diteng di amane le maemo a a tlisang go tlhaloganya go go feleletseng mo baithuting e bile di thusa mo go ruteng le go ithuta. Morutabana o tshwanetse go tlhokomela tiriso ya maemo a selegae, e seng fela a a supiwang fa, a a ka nnang maleba thata mo maitemogelong a moithuti. Fa diteng le bokao di golagantswe le phitlhelelo ya Maemo a Tekanyetso di ka neela ka letlhomeso la go tlhabolola Manaane a go Ithuta. Dikaedi tsa Manaanethuto di tlhalosa ka botlalo tshedimosetso e ntsi mo lebakeng le.
Tiriso ya lefoko "setlhangwa" mo Dipegelong tsa Dirutwa tsa Dipuo, e na le kgonego ya bokao jo bo anameng, go akaretsa tiro ya molomo, go kwala, go bona, go utlwelela, kutlopono le mefuta ya ditlhangwa tse di dirisang mekgwa e e farologaneng ya tlhaeletsano. Gotlhe mo go ruteng puo, ditlhangwa di ka dirisiwa jaaka tshimologo le mefuta mengwe ya ditlhangwa tse di ka tlhagisiwang jaaka setlhangwa se se feletseng, se thaegile go tswa mo ditseleng tse dintsi tsa go se kwala. Maemo a Tekanyetso a bontsha tsweletso e e maleba ka diteng tse di bonolo go tlhaloganyega go ya go tse di thatanyana go simolola ka kereiti ya 10 go fitlha go ya 12. Ditlhangwa tse di bonolo le tse di marara ke motheo wa go netefatsa tsweletso mo dipuong tsotlhe.
Ditlhangwa ke metswedi e megolo ya "diteng le bokao" mo go ithuteng le mo go ruteng puo ka tsela e ya tlhaeletsano le ya tsenyeletso.
ditaele ka mefutafuta le didiriswa tsa setaele jaaka mefuta e mentsi e e farologaneng ya puo ya botshwantshi le ya boitlhamedi.
Tsela ya go ruta e e ikaegileng ka ditlhangwa le ya go ruta ka tsela ya tlhaeletsano, mmogo, di ikaegile mo tirisong e e tswelelang le tlhagiso ya ditlhangwa.
Tsela ya go ruta e e ikaegileng ka ditlhangwa e tlhotlhomisa ka mo ditlhangwa di dirang ka teng. Maitlhomo a tsela e e ikaegileng ka ditlhangwa ke go kgontsha baithuti go nna le bokgoni, go itshepa le go nna babuisi ba ba buisang ka tsenelelo, bakwadi, babogedi, le batlhami. E akaretsa go reetsa, fa go buisiwa, fa go lebelelwa le fa go sekasekwa ditlhangwa go tlhaloganya gore di tlhagisitswe jang, le gore di tlhotlhehetsa jang. Ka mekamekano e e tseneletseng e, baithuti ba nna le bokgoni ba go tlhatlhoba ditlhangwa ka tsenelelo. Tsela e e ikaegileng ka ditlhangwa e akaretsa tlhagiso ya mefuta e e farologaneng ya ditlhangwa mo mabakeng a a rileng le baamogedi ba ba rileng ba tshedimosetso. Tsela e, e tlisiwa ke go tlhaloganya ka mo ditlhangwa di tlhamiwang ka teng.
Tsela ya go ruta ka tsela ya tlhaeletsano e kaya gore mo go ithuteng puo, moithuti o tshwanetse go dirisa puo go le gontsi le go newa ditphono di le dintsi tsa go ikatisa le go tlhagisa puo ka go tlhaeletsana mo botshelong kgotsa mo tirisong ya ka gale ya puo. Go ithuta puo go tshwanetse go itlela fela mme go fetisetswa mo teng ga phaposiborutelo mo bokgoni jwa go buisa/lebelela le go kwala/tlhagisa di ithutiwang ka tokologo - baithuti ba ithuta go buisa ka go buisa go le gontsi le go ithuta go kwala ka go kwala go le gontsi.
Ditlhangwa di tlhagisiwa mo bokaong jo bo rileng ka maitlhomo a a rileng, e bile go akanngwa ka baamogedi ba tshedimosetso. Mefuta tsa ditlhangwa e na le ditiro tse di farologaneng mme di latela melawana e e rileng ya tlwaelo mabapi le popego, setaele, thutapuo, tlotlontswe le diteng. Dilo tsotlhe tse ke mefuta ya ditlhangwa. Baithuti ba tshwanetse go tlhaloganya le go tlhagisa mefuta e e farologaneng ya ditlhangwa.
Ditlhangwa di tlhagisa maemo a setso le a sepolotiki a di tlhamilweng mo go one. Puo e e dirisiwang mo ditlhangweng e na le melaetsa e e mabapi le meetlo le dintlhakemo tsa sepolotiki tsa bakwadi le batlhami; Ka jalo ditlhangwa di tsaya letlhakore la bakwadi le batlhami. Baithuti ba tshwanetse go kgona go ranola le go tsibogela meetlo le maikutlo tse di tlhagelelang mo ditlhangweng.
Ke sone seo, mo tseleng e e ikaegileng ka ditlhangwa, puo ka gale e tlhotlhomisiwa mo ditlhangweng, le gore ditlhangwa di tlhotlhomisiwa go ya ka botsalano ba tsona le bokao. Tsela e, e lebelela tsibogelo ya mekgwa e e lolameng ya dikarolo tsa puo (thutapuo le tlotlontswe) go lebeletswe gore di dirisitswe jang mo ditlhangweng. Gore baithuti ba kgone go bua ka ditlhangwa, ba tshwanetse gonna le kitso ya medumo "puo e e dirisiwang go bua ka puo "- ba tlhoka mafoko a a tlhalosang diponagalo tse di farologaneng tsa thutapuo, tlotlontswe le setaele le go bua ka mefuta e e farologaneng ya ditlhangwa.
Ditlhangwa di ka arogangwa go ya ka ditlhangwa tse di dirisiwang le ditlhangwa tse di tlhagisiwang. Mefuta eno ya ditlhangwa e tlhagisitswe ka botlalo mo lenaneong le le latelang. Mananeo a, ga a akaretse mefuta yotlhe e e leng gone ya ditlhangwa - morutabana o letlelelwa go ka tlaleletsa ka ditlhangwa tse di ka dirisiwang mo go ruteng e e akaretsang dintlha tsotlhe tsa go ruta puo. Maitlhomo a mananeo ke go fa morutabana tlhopho e e anameng ya ditlhangwa tse di ka kgonang go dirisiwa le go tlhagisiwa. Dintlha ka tse di tlhokagalang mabapi le ditlhangwa tse di thata go tlhalogangwa gammogo le tirisopuo e e maleba di kwadilwe mo Dikaeding tsa Manaanethuto.
Ditlhangwa tse e seng tsa pateletso tsa go inonotsha: bodiragatsi, kanelo ya kgang, dikgang tsa seyalemowa/thelebipene, diterama tsa diyalemoa/dithelebipene, dipuisano mo ditlhopheng tsa batho, dikhutshwe tsa mafoko/metshameko, difilimi tsa metlae tse di tshwantshitsweng (dikhatunu), ditshwantsho tsa metlae, matshwao, jj.
Tekanyetso ke karolo ya botlhokwa ya Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso). Ke tsela ya go kokoanya le go tlhalosa bosupi le go tlhomamisa bokgoni jwa moithuti. Bosupi bo ka kokoanngwa ma tsamaong ya nako le mo mafelong a a farologaneng, le ka go dirisa ditsela, didiriswa, mekgwa le mefuta ya tlhaeletsano tse di farologaneng.
Go netefatsa gore dipholo tsa tekanyetso di ka fitlhelelwa le go dirisiwa mo maitlhomong a a fapaaneng mo isagong, dipholo di tshwanetse go kwalwa. Go na le mekgwa e e farologaneng ya go kwala bokgoni jwa moithuti. E mengwe ya yona e tla tlhomamisiwa mo kgaolong e. E mengwe e tla tlotlomadiwa mo Kaeding ya Lenaanethuto.
Go na le batsayakarolo ba bantsi ba ba nang le kgatlhego ka mo baithuti ba dirang ka teng mo Dikereiting tsa 10 - 12. Batsayakarolo ba ba akaretsa baithuti ka bobona, batsadi, batlamedi, baabi, mafapha a porofense a thuto, Lefapha la Thuto (Bosetphaba), Bookamedi jwa Thuto, bathapi, ditheo tsa thuto le katiso e e kwa godimo. Gore go kgonagale go fitlhelela bokgoni jotlhe jwa moithuti le go akanyetsa bokgoni jwa moithuti, dipholo tsa tekanyetso di tshwanetse go begwa. Go na le ditsela tse dintsi tsa go bega. Kaedi ya Lenaanethuto le Lenaane la Tekanyetso di tlhalosa tsela ya go kwala le go bega mo tekanyetsong ya mo sekolong gammogo le tekanyetso go tswa kwa ntle le go neela kgakololo mo dintlheng tsa tekanyetso tsa dithuto tse di rileng.
Pele ga morutabana a lekanyetsa baithuti, go botlhokwa gore maitlhomo a tekanyetso a tlhamalale, a se nne bokaobontsi. Go tlhaloganya maitlhomo a tekanyetso, go netefatsa gore go nne le tsamaelano gareng ga maitlhomo le mekgwa ya tekanyetso. Seno, se tla thusa go netefatsa gore dikakanyo, ditshwetso malebana le tekanyetso di se gobelele, di nne maleba le maitlhomo.
Go na le mabaka a le mantsi a a dirang gore bokgoni jwa baithuti bo lekanyediwe. Mabaka ano a akaretsa tekanyetso ya go lebelela tsweletso le ya go bega diphitlhelelo, go sekaseka le go baakanya mathata mo go ithuteng, tlhopho, kaelo, tshegetso ya go ithuta, go fa setefikeiti jaaka bosupi jwa go tswelela mo kereiting e e latelang.
Mo kharikhulamong e, go ithuta le go lekanyetsa go golagane thata. Tekanyetso e thusa baithuti go lekanyetsa gore boleng jwa go ithuta ga bona bo ntse jang. E naya tshedimosetso ka tswelelo ya bona le go ba kgontsha le go tsaya ditshwetso ka ga thuto ya bone. Ka moono o, tekanyetso e naya tshedimosetso ya gore a go ruta le go ithuta go a atlega mo go nneng gaufi le dipoelo tsa go Ithuta tse di beetsweng pele. Fa tekanyetso e bontsha go tlhoka tswelelo, maano a go ruta le go ithuta a tshwanetse go fetolwa ka tsela e e maleba.
tekanyetso ya go aga; le tekanyetso ya kwa bofelong.
Tekanyetso ya motheo (tshimologo) e botlhokwa mo tshimologong ya kereiti, fela e ka dirisiwa mo tshimologong ya nako/paka nngwe le nngwe ya go ithuta. E dirisiwa go tlhomamisa se baithuti ba se itseng le go kgona go se dira. E thusa mo paakanyong ya ditiro le mo tlhabololong ya Kaedi ya Lenaanethuto. Go kwalwa ga tekanyetso ya motheo, ke go go repileng.
Tekanyetso nngwe le nngwe e ka dirisiwa ka maitlhomo a go leka go bontsha lebaka/mabaka a a kgoreletsang moithuti go ithuta. Tekanyetso ya go batla makoa le go leka go a baakanya e thusa ka ditsela tse di farologaneng tsa tshegetso kgotsa go lemoga tlhokego ya thuso e e kgethegileng kgotsa ya ketleetso. E dira jaaka lebaka la go tlhotlhomisa gore o kgone go thusa le go baakanya maikaelelo a Kaedi ya Lenaanethuto gape, kgotsa go lemoga gore ke eng se se sa ithutiwang gore go tle go nne le ditsela tsa go tsereganya tse di ka dirisiwang.
Mofuta mongwe le mongwe wa tekanyetso o o dirisiwang go naya baithuti tshedimosetso morago ga thuto o araba maitlhomo a tekanyetso ya go aga. Tekanyetso ya go aga ke karolo e e botlhokwa ya go ruta le go ithuta. E lebelela le go tshegetsa tsamao ya go ithuta. Batsayakarolo botlhe ba dirisa mokgwa o wa go lekanyetsa go bona tshedimosetso ka tswelelo ya baithuti. Pegelo e e agang ka tiro e e dirilweng ke karolo ya botlhokwa ya tekanyetso mo maitlhomong a go aga.
Fa tekanyetso e dirisiwa go kwala katlholo ya bokgoni kgotsa tiro ya moithuti, maitlhomo ke go naya tekanyetso ya bofelo. Tekanyetso ya bofelo e naya setshwantsho sa bogotlhe sa bokgoni kgotsa tswelelo ya moithuti mo nakong nngwe le nngwe e e rileng.
Dipuo - Setswana Puotlaleletso Ya Ntlha saekele, kgwedithataro kgotsa ngwaga wa go ithuta. Tekanyetso ya bofelo e tshwanetse go baakanyetswa mme ditsela tse di farologaneng tsa tekanyetso di tshwanetse go dirisiwa go kgontsha baithuti go bontsha bokgoni.
Tekanyetso ya baithuti ka barutabana e tshwanetse go nna le boikanyego jo bogolo. Se se raya gore katlholo ya barutabana ka bokgoni jwa baithuti e tshwanetse go akaretsega go ya ka dinako tse di farologaneng, dintlha tsa tekanyetso, le batshwai. Dikatlholo tse di dirwang ka tsela ya tekanyatso di tshwanetse go bontsha go amogelesega go go golo; ke gore, dikatlholo di tshwanetse go dirwa mo dintlheng tsa go ithuta tse di neng di lekanyetswa.
Tekanyetso nngwe le nngwe e ka se ikanyege kgotsa go amogelega gotlhelele ka boyona ka jalo, re tshwanetse go dira ditshwetso ka tswelelo ya baithuti tse di ikaegileng ka ditekanyetso tse di fetang nngwe. Seno ke motheo wa Tlhatlhobotsweledi. Tlhatlhobotsweledi ke tsela ya tekanyetso e ditshwetso di ikaegileng ka go ithuta mo mefuteng e e farologaneng ya ditiro le ditiragalo tse di diragalang ka dinako tse di farologaneng ka nako ya go ithuta. Tlhatlhobotsweledi e akaretsa ditekanyetso tse di dirwang ngwaga otlhe, go dirisiwa mefuta le mekgwa e e farologaneng ya didiriswa tsa tekanyetso jaaka, diteko, ditlhatlhobo, diporojeke le diasaenemente. Tekanyetso ya molomo, go kwala le ya tiragalo di a akarediwa. Dikarolwana tsa tiro e baithuti ba e dirileng di dirisiwa jaaka bosupi jwa Tlhatlhobotsweledi di kokoanngwa potefoliong. Dirutwa tse di farologaneng di na le ditlhokego tse di farologaneng tsa se se tshwanetseng go kokoanngwa mo potefoliong. Ditlhokego tseno di umakiwa mo Kaeding ya Lenaanethuto.
Tlhatlhobotsweledi e dirwa mo phaposiborutelong le mo sekolong, mme e tsepame mo mokgweng o o tsweletseng o tekanyetso e tswakanngwang mo tswelelong ya go ruta le go ithuta. Barutabana ba kgona go itse baithuti ba bona ka go ba ruta letsatsi lengwe le lengwe, ka go ba botsa dipotso, go lemoga le go dirisana le bona, le go ba lebelela ka mo ba dirisanang ka teng le ba bangwe.
Tlhatlhobotsweledi e ka dirisiwa mo dikarolong tse pedi tsa Kharikhulamo tse di ka lekanyetswang ka go kwala diteko le diasaenemente le tse di ka lekanyetswang ka mekgwa e mengwe, jaaka tiragatso, go dirisa bosupi jwa go dira ka diatla kgotsa jwa go bua.
Dipoelo tsotlhe tsa go Ithuta le Maemo a Tekanyetso di kgona go fitlhelelwa ke mongwe le mongwe. Baithuti ba itse se se lebeletsweng mo go bona. Baithuti ba ka nna ba tsaya karolo e e botlhokwa ka tekanyetso ka bobona, ka "tekanyetso - pele", ya tiro, pele morutabana a dira tekanyetso ya bofelo. Kakanyo ya mong ya go ithuta, ke karolo e e botlhokwa ya go ithuta.
Mo tekanyetsong ka balekane, go dirisiwa manaanenetefatso kgotsa ruburiki, e e thusang baithuti botlhe ka tiro ya go lekanyetsa le ya ba ba lekanyetsang. Go bua ka maemo kgotsa tsela e e beilweng e tiro ya bona e tla lekanyetswang ka teng, go godisa baithuti go sekaseka tiro ya bona le ya ba bangwe.
Bokgoni jwa go dira ka nonofo mo ditlhopheng, ke e nngwe ya Dipoelotsenelelo. Go lekanyetsa tiro ya setlhopha go akaretsa go batla bosupi jwa gore a setlhopha sa baithuti se a dirisana, thusana, arogana tiro, le go kopanya ditshwaelo tsa ba bangwe go bopa tiro e le nngwe e e kopanetsweng sentle mme e ka kgona go lekanyetswa. Tekanyetso ya setlhopha e lebelela dikgato tsa go dira tiro gamogo le tiro e e feditsweng. E akaretsa go lekanyetsa bokgoni jwa tshedisano, go laola nako, bolaodi jwa metswedi le dipharologanyo mo setlhopheng, gammogo le dintshetsontle tsa ditlhopha.
Go na le ditsela tse di farologaneng tsa go kokoanya bosupi jwa tekanyetso. Tse dingwe tsa tsona di tlhalosiwa fa tlase.
Ditsela tsa tekanyetso ka go lebelela ke tse di sa rulaganngwang ka botlalo le go re letlelela go kwala mefuta e e farologaneng ya bosupi ka baithuti ba ba farologaneng le ka dinako tse di farologaneng. Mofuta o wa tekanyetso ka gale o ikaegile ka ditiro tse di batlang gore baithuti ba dirisane mo kgwetlhong ya go batla tharabololo kgotsa go tlhagisa tiro e e tshwanang. Tekanyetso e e ikaegileng ka temogo e tshwanetse go nna e e ikaeletsweng le go tsamaisiwa ka thuso ya didiriswa tse di maleba tsa temogo.
Tekanyetso ka teko ke e e rulagantsweng sentle, go kgontsha barutabana go kokoanya bosupi jwa baithuti botlhe ka tsela le ka nako e e tshwanang. Mofuta ono wa tekanyetso o lebelela bosupi jwa go ithuta jo bo netefatswang ke maduo a a rileng. Fa diteko le ditlhatlhobo di dirisiwa ka tshwanelo, di dira karolo ya botlhokwa ya kharikhulamo ka gonne di neela bosupi jo bo siameng jwa se se ithutilweng.
Ditsela tsa tekanyetso ka tiro di ikaelela go bontsha gore a moithuti o na le bokgoni jwa go dirisa se ba se ithutileng mo maemong a a sa tlwalegang kgotsa mo maemong a a kwa ntle ga phaposiborutelo. Tekanyetso ya tiragatso e akaretsa karolo ya go dira ka diatla ya dithuto e le go sekaseka ka mo baithuti ba kgonang go dirisa teori e ba e ithutileng. Tsela, maemo a a amogelegang kgotsa melao e tiragatso e tla lekanyetswang ka yona e tlhalosiwa mo diruburiking kgotsa mo manaanenetefatsong a ditiro, le go thusa morutabana go dira katlholo ya borutego go lekanyetsa tiragatso ya moithuti mongwe le mongwe.
Go kwala maduo le go bega go akaretsa mokgwa o re kwalang maduo a re a kokoantseng ka nako ya tekanyetso ka ona gore a tle a sekasekiwe sentle mme a phasaladiwe ka tsela e e nepagetseng le e e tlhaloganyegang.
Go na le mekgwa e e farologaneng ya go kwala maduo. Go le gantsi go thata go kgaoganya mekgwa ya go kwala maduo le mekgwa ya go tlhatlhoba tiro ya baithuti.
Nngwe le nngwe e tlhalosiwa fa tlase.
Sekale se se lekanyetsang ke thulaganyo nngwe le nngwe ya go tshwaya, mo letshwao (sekai jaaka A kgotsa B) kgotsa maduo (jaaka 5/10 kgotsa 50%) le ranolwang ka botlalo go golaganya tlhaloso ya maduo a a filweng khoutu e e rileng le bokgoni jo bo tlhokagalang go fitlhelela maduo ao. Thanolo e e botlalo e, e botlhokwa go feta maduo a go dumelelanweng ka ona mo tsamaong ya go ruta le go ithuta, ka e naya baithuti kakanyo e e tlhaloganyegang ya se se fitlheletsweng le gore ke ka ntlha ya eng go ithuta go sa atlega ka botlalo. Mokgwa wa bogologolo wa go tshwaya o ne o dirisa sekale se se lekanyetsang ntle le tlhaloso e e feletseng. O ne o dira gore go nne thata go tlhaloganya bokgoni le makoa a baithuti go ya ka dipoelo tse di ikaeletsweng. Sekale sa dintlha di le (thataro) 6 tsa bokgoni se dirisiwa mo Pegelong ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ka Kakaretso).
Mananeo a tiro kgotsa manaanenetefatso di na le dipegelo tse di itlhaotseng tse di tlhalosang tiragatso e e lebeletsweng mo tirong e e rileng. Fa pegelo e e rileng mo manaane netefatsong e ka lemogwa jaaka e moithuti a e dirileng ka nako ya tiragatso, pegelo e tla tshwaiwa. Dipolelo tsotlhe tse di tshwailweng go tswa mo manaanenetefatso (jaaka maemo a a beilweng go ka fitlhelelwa) di tlhalosa phitlhelelo ya tiro ya moithuti. Manaanenetefatso a botlhokwa thata mo go lekanyetseng ditiro tsa moithuti ka esi kgotsa ka ditlhopha.
Diruburiki ke kopanyo ya dikhoutu tse di lekanyetsang le ditlhaloso tsa maemo a a amogelegang. Di na le tatelano ya maemo, ka maduo a a tlhalosang kgato ya bonnye kgotsa boemo jwa tiro jo bo amogelegang mo kgatong ya khoutu nngwe le nngwe. Diruburiki di batla barutabana ba itse seo tota se tlhokwang ke dipoelo. Ruburiki e ka nna ya kakaretso, e le e e nayang setshwantshotshupo sa bogotlhe sa maemo a a amogelegang a a lebeletsweng, kgotsa ya go sekaseka, go naya setshwantsho se se tlhamaletseng sa diponagalo tsa bosekaseki tse di bopang ditlhokego, kgotsa e ka di kopanya ka bobedi. Lenaane kaedi la go Ithuta le naya dikai tsa diruburiki tsa serutwa se se rileng.
Ke dipoelo dife tse di lebeletsweng?
Ke Maemo a Tekanyetso afe a a tshwanetsweng go fitlhelelwa ke tiro?
Ke bosupi bofe jo bo tshwanetseng go kokoanngwa?
Ke dikarolo dife tse di farologaneng tsa tiro tse di tla lekanyetswang?
Ke didiriswa dife tse di farologaneng tsa tekanyetso tse di siametseng karolo nngwe le nngwe ya tiro (jaaka dikgato tsa go dira tiro le tiro e e feditsweng)?
Ke kitso efe e e tshwanetseng go nna bosupi?
Ke bokgoni bofe jo bo tshwanetseng go dirisiwa kgotsa tiragatso e e tshwanetseng go tsewa?
Dipuo - Setswana Puotlaleletso Ya Ntlha tlhagelelang mo tirong le gore ke dife tsa tse, tse di tshwanetseng go lekanyetswa le gore di tla lekanyediwa jang?
A ruburiki e le nngwe e lebane le Dipoelo tsa go Ithuta tsotlhe le Maemo a Tekanyetso otlhe a tiro, kgotsa, a tiro e batla diruburiki tse di mmalwa?
Tota, ke diruburiki di le kae tse di tlhokagalang mo tirong?
Go botlhokwa gore morutabana a abelane ruburiki kgotsa diruburiki le baithuti pele ga ba dira tiro e e batlegang. Ruburiki e sedimosa go ithuta le ditiragatso tse e tshwanetseng go di lebelela. E nna sediriswa se se botlhokwa sa tekanyetso ya moithuti ka esi.
Go bega tiragatso le phitlhelelo go naya botlhe ba ba nang le seabe kgotsa ba ba nang le kgatlhego gore moithuti o tswelelapele jang. Fa bosupi bo sena go kokoanngwa le go ranolwa, barutabana ba tshwanetse go kwala diphitlhelelo tsa baithuti. Go tlhokega gore ditekanyetso tsa bofelo tse di lekaneng di dirwe nako le nako gore pegelo e fe dintlha tse di tletseng tsa maemo a a fitlheletsweng ke moithuti.
Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 e amogela sekale sa dintlha di le thataro tsa go bontsha bokgoni. Sekale se supiwa ka Sethalo 4.
Go thusa ka boemo jo phitlhelelo e tshwanetseng go fitlhelelwa ka jona mo Dipoelong tsa go Ithuta mo Dikereiting tsa 10 go fitlha go 12, bokgoni jwa thuto bo tlhaloswa go farologanya ditebelelo tsa kereiti ka se moithuti a tshwanetseng go se itse le go se fitlhelela. Magato a marataro a bokgoni, a tlhalositswe mo thutong nngwe le nngwe le mo kereiting nngwe le nngwe. Ditlhaloso tse di tla thusa barutabana go lekanyetsa baithuti le go ba baya mo boemong jo bo nepagetseng jwa tekanyetso. Ditlhaloso di khutshwafatsa se se tlhalositsweng ka botlalo mo Dipoelong tsa go Ithuta le mo Maemong a Tekanyetso, le go neela diponagalo tse di farologanyang le tse di tlhomamisang diphitlhelelo mo boemong jo bo rileng. Magato a a farologaneng a phitlhelelo le tsa diperesente tse di tsamaelanang le tsona di bontshwa mo Sethalong 4.
Go tsamaelana le metheo le tsamaiso ya tekanyetso e e itshetlegileng ka dipoelo, ditekanyetso tsotlhe mo dikolong le tsa kwa ntle ga dikolo di tshwanetse go nna fela ka ditlhokego tse tiro e atlholwang ka tsona. Maduo a ka dirisiwa go tlhatlhoba tiro e e rileng ya tekanyetso, ditiro tsa tekanyetso di tshwanetse go lekanyetswa go ya ka diruburiki go na le go tshwaya dikarabo tse di siameng le go neela maduo go ya ka palo ya matshwao. Dipegelo tsa bokgoni tsa dirutwa di tlhalosa bonnye jwa bokgoni, kitso, maikutlo le meetlo tse di tshwanetseng go supiwa ke moithuti go bontsha phitlhelelo mo kgatong nngwe le nngwe ya sekale sa go lekanyetsa.
Fa barutabana/balekanyetsi ba baakanya tiro/kgotsa potso, ba tshwanetse go netefatsa gore tiro/kgotsa potso e arabela ntlha ya poelo e e rileng. Go tshwanetse ga dirisiwa maemo a tekanyetso a a maleba go tlhama ruburiki e e lekanyetsang tiro kgotsa potso. Ditlhaloso di bontshe ka botlalo bonnye jo bo dumeletsweng jwa maemo a a tshwanetseng go fitlhelelwa mo setlhopheng sengwe le sengwe mo sekaleng sa go lekanyetsa.
Ditlhaloso tsa bokgoni tsa serutwa se, di tlhagelela kwa bofelong jwa kgaolo e.
Tlhatloso mo Kereiting ya 10 le Kereiti ya 11 e tla dirwa fela go ya ka tekanyetso ya mo sekolong, fela e tshwanetse go ya ka mabaka a a tshwanang le a Lokwalo lwa Thuto le Katiso e e Tswelelang. Ditlhokego, maemo, melao ya kopanyo le ya go fetisetsa kwa pele, di tlhaloswa mo "Qualifications and Assessment Policy Framework for Grades 10 - 12 (General)".
Go na le ditsela tse dintsi tsa go tlhama karatapego, fela go botoka gore karatapego e nne bonolo go tlhaloganyega, fa e le gore tshedimosetso yotlhe e e botlhokwa e tsentswe.
pego ya se se diragetseng e e thusang e e tshwaelang ka ga tiro ya moithuti fa e bapisiwa le e e fetileng le ditlhokego tsa serutwa; le tswelelopele ya kgolo ya moithuti mo go ithuteng mokgwa wa go ithuta.
setempe sa sekolo; le porofaele ya moithuti ya go tsena sekolo.
bua le go tlhagisa ditlhangwa ka go itshepa, dikakanyo di nyalelana e bile di lomagane; bontsha maitemogelo a tiriso ya puo ka tshisimogo le tlotlo; nna tsebentlha go lemoga, ranola, sekaseka le go tlhalosa tshedimosetso mo maitlhomong a a farologaneng; dirisa puo ka thelelo mo maemong a a farolaganeng a tlhaeletsano a bontsha matshwao a a itumedisang a go itlhalosa.
lemoga, ranola sekaseka le go tlhalosa ditlhangwa ka nonofo le go itshepa fa a buisa le go lebelela; bontsha go tlhaloganya go go siameng le go gatelela fa a tshegetsa dintlha tsa gagwe; buisetsa kwa godimo a bontsha thelelo le maikutlo; bontsha tshisimogo mo dikakanyong tsa ba bangwe le tsa setso tse di farologaneng.
bua le go tlhagisa ditlhangwa ka go itshepa, dikakanyo di nyalelana e bile di lomagane go dikakanyo di nyalelana e bile di lomagane go gorosa molaetsa; bontsha maitemogelo a go gorosa molaetsa; bontsha maitemogelo a magolo dirisa puo ka tshisimogo le tlotlo; nna tsebentlha a tiriso ya puo ka tshisimogo le tlotlo; nna go lemoga, ranola, sekaseka, le go tlhatlhoba tsebentlha, lemoga, ranola, sekaseka le go tshedimosetso mo maitlhomong a a tlhatlhoba tshedimosetso ka nepagalo mo farologaneng; dirisa puo ka thelelo mo maitlhomong a a farologaneng; dirisa puo ka maemong a tlhaeletsano a a totobetseng, mme a thelelo le maikutlo ka go itlhalosa mo maemong bontsha matshwao a a totobetseng a go itlhalosa. a a farologaneng a tlhaeletsano.
ranola, sekaseka, tlhatlhoba le go tlhalosa ditlhangwa ka nonofo le ka go itshepa fa a buisa ditlhangwa ka nonofo le go itshepa tota fa a buisa le fa a lebelela; bontsha go tlhaloganya go go le fa a lebelela; bontsha go tlhaloganya ka siameng tota, fa a gatisa le go tshegetsa bokgabane fa a gatisa le go tshegetsa dikakanyo dikakanyo tsa gagwe; buisetsa kwa godimo a tsa gagwe; buisetsa kwa godimo a bontsha thelelo bontsha thelelo le maikutlo ka bokgabane; le maikutlo ka bokgabane; bontsha tshisimogo mo bontsha tshisimogo mo dikakanyong tse di dikakanyong tse dintsi tse di farologaneng farologaneng gammogo le tsa setso. gammogo le tsa setso.
kwala le go tlhagisa ditlhangwa tsa boitshimololedi, nyalelano le tomagano ya boitshimolololedi, nyalelano le tomagano ya dikakanyo, e bile di nepagetse; kwala/tlhagisa ka dikakanyo di nepagetse; kwala/tlhagisa ka nonofo go ya ka baamogedi, maitlhomo, bokao nonofo go ya ka baamogedi, maitlhomo, bokao le dikagego tse di farologaneng; rulaganya le dikagego tse di farologaneng ka nonofo; dikakanyo tsa setlhangwa le dintlha tsa rulaganya dikakanyo tsa setlhangwa le dintlha tshegetso ka tsela e e tlhomameng, e tsa tshegetso ka tsela e e tlhomameng, e tlhotlheletsa gore go dumalanwe ka seo se tlhotlheletsa gore go dumalanwe ka seo se tlhagisiwang e bontsha setaele sa gagwe; tlhagisiwang, e bontsha setaele sa gagwe; boeletsa le go baakanya diphoso mo boeletsa le go baakanya diphoso mo setlhangweng ka boene go netefatsa tokafatso e ditlhangweng ka boene go netefatsa tlhagiso ya e kgodisang. setlhangwa se se tlhamegileng sentle.
lemoga, tlhalosa le go dirisa mefuta e e farologaneng ya dipopi tsa dipolelo ka maitlhomo a go dirisa puo ka gale le go bontsha setaele se se rileng ka bokgabane; bontsha bokgoni jwa maemo a a kwa godimo jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
Ditlhaloso tsa Bokgoni Ditlhaloso tsa Bokgoni tlhaloganya le go dirisa dipopi le melawana ya tiriso ya puo ka go itshepa le ka nepagalo; lemoga, ranola, le go tlhalosa dipharologano tse di bofitlha mo bokaong, tirisong le mo dipopegong tsa mafoko; lemoga, tlhalosa, tlhatlhoba le go dirisa mefuta e e farologaneng ya dipopi tsa dipolelo ka maitlhomo a go dirisa puo ka gale le go bontsha setaele se se rileng ka bokgabane; bontsha bokgoni jwa maemo a a kwa godimo a tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
tlhaloganya le go dirisa dipopi le melawana ya tiriso ya puo ka go itshepa le nepagalo; lemoga, ranola le go tlhalosa dipharologano tse di bofitlha mo bokaong, tirisong le mo dipopegong tsa mafoko; lemoga, tlhalosa, tlhatlhoba le go dirisa mefuta e mentsi e e farologaneng ya dipopi tsa dipolelo ka maitlhomo a go dirisa puo ka gale le go bontsha setaele se se rileng ka bokgabane; bontsha bokgoni jwa maemo a a kwa godimo a tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
bua le go tlhagisa ditlhangwa dikakanyo di nyalelana, e bile di lomagane; bontsha maitemogelo a a golang, tirisopuo ka tshisimogo le tlotlo go le gantsi; nna tsebentlha go lemoga le go ranola tshedimosetso mo maitlhomong a a farologaneng fela a bontsha go okaoka fa a sekaseka le go tlhalosa; dirisa puo ka thelelo go bontsha maikutlo ka bokgabane mo maemong a a farologaneng a tlhaeletsano.
ranola le go bontsha ditlhangwa go le gantsi ka go itshepa fa a buisa le fa a lebelela fela a bontsha go okaoka fa a sekaseka le go tlhalosa; bontsha go tlhaloganya mme a gatelela le go tshegetsa dikakanyo tsa gagwe; buisetsa kwa godimo ka thelelo le maikutlo ka bontle; bontsha tshisimogo mo dikakanyong tsa batho ba bangwe le tsa setso tse di farologaneng.
kwala le go tlhagisa ditlhangwa go le gantsi e le tsa boitshimololedi, dikakanyo di nyalelana e bile di lomagane fela ka nepagalo e e kwa tlase; kwala/tlhagisa go ya ka baamogedi, maitlhomo, maemo le dikagego tse di farologaneng; rulaganya dikakanyo le dintlha tsa tshegetso ka botlalo, le go se fetogefetoge le go dira gore batho ba dumalane le ene mme ka dinako dingwe e bontsha boitlhamedi le bosupi jwa setaele sa gagwe; boeletsa le go baakanya diphoso mo dikwalong go le gantsi a dira ka boene go netefatsa tokafalo.
bua le go tlhagisa ditlhangwa ka go itshepa, dikakanyo di nyalelana e bile di lomagane, go le dikakanyo di nyalelana e bile di lomagane, go le gantsi a bontsha maitemogelo a a golang a tiriso gantsi a bontsha maitemogelo a a golang a tiriso ya puo ka tshisimogo le tlotlo; nna tsebentlha go ya puo ka tshisimogo le tlotlo; nna tsebentlha go lemoga le go ranola tshedimosetso mo lemoga, ranola le go sekaseka tshedimosetso mo maitlhomong a a farologaneng fela a bontsha go maitlhomong a a farologaneng fela a bontsha go okaoka fa a sekaseka le go tlhatlhoba; dirisa puo okaoka go go rileng fa a tlhatlhoba; dirisa puo ka thelelo go le gantsi a bontsha maikutlo ka ka thelelo mme go le gantsi a bontsha maikutlo bokgabane mo maemong a a farologaneng a ka bokgabane mo maemong a a farologaneng a tlhaeletsano. tlhaeletsano.
ranola le go sekaseka ditlhangwa go le gantsi ka go itshepa fa a buisa le go lebelela fela a go itshepa fa a buisa le go lebelela fela a bontsha go okaoka go go rileng fa a tlhatlhoba bontsha go okaoka go go rileng fa a tlhatlhoba le go tlhalosa; bontsha go tlhaloganya go go le go tlhalosa; bontsha go tlhaloganya go go siameng mme a gatelela le go tshegetsa siameng tota mme a gatelela le go tshegetsa dikakanyo tsa gagwe sentle, buisetsa kwa dikakanyo tsa gagwe sentle; buisetsa kwa godimo ka thelelo le maikutlo; bontsha godimo ka thelelo le maikutlo; bontsha tshisimogo mo dikakanyong tsa batho ba tshisimogo mo dikakanyong tsa batho ba bangwe le tsa setso tse di farologaneng. bangwe le tsa setso tse di farologaneng.
kwala le go tlhagisa ditlhangwa go le gantsi e le tsa boitshimololedi, dikakanyo di nyalelana e tsa boitshimololedi, dikakanyo di nyalelana e bile di lomagane ka nepagalo; kwala/tlhagisa go bile di lomagane ka nepagalo; kwalatlhagisa go ya ka baamogedi maitlhomo, maemo le ya ka baamogedi, maitlhomo, maemo le dikagego tse di farologaneng; rulaganya dikagego tse di farologaneng; rulaganya dikakanyo le dintlha tsa tshegetso go le gantsi dikakanyo le dintlha tsa tshegetso ka botlalo le ka go se fetogefetoge, le go dira gore batho ba ka go se fetogefetoge, le go dira gore batho ba dumalane le ene mme ka dinako dingwe a dumalane le ene mme ka dinako dingwe a bontsha boitlhamedi; bontsha bosupi jwa kgolo bontsha boitlhamedi; bontsha bosupi jwa kgolo mo go diriseng setaele sa gagwe; boeletsa le go mo go diriseng setaele sa gagwe; boeletsa le go baakanya diphoso mo dikwalong, go le gantsi. baakanya diphoso mo dikwalong, go le gantsi.
Tsweletso di bofitlha fa gare ga bokao le tiriso ya mafoko le dipopego tsa mafoko; bontsha, tlhalosa le go dirisa dipopi tse di farologaneng tsa dipolelo mo maitlhomong a go dirisa puo ka gale mme ka dinako dingwe a bontsha setaele sa gagwe fela a dira diphoso; bontsha bokgoni jo bo siameng jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
Ditlhaloso tsa Bokgoni Ditlhaloso tsa Bokgoni tlhaloganya le go dirisa dipopi le melawana ya tirisopuo ka nepagalo e e golang, go le gantsi; lemoga, ranola le go tlhalosa dipharologano tse di bofitlha fa gare ga bokao le tiriso ya mafoko le dipopego tsa mafoko go le gantsi; lemoga, tlhalosa, le go tlhatlhoba le go dirisa mefuta ya dipopi tsa dipolelo ka maitlhomo a go dirisa puo ka gale le setaele se se rileng fela a dira diphoso ka dinako dingwe; bontsha bokgoni jo bo siameng thata jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
tlhaloganya le go dirisa dipopi le melawana ya puo ka nepagalo go le gantsi; lemoga, ranola le go tlhalosa dipharologano tse di bofitlha fa gare ga bokao le tiriso ya mafoko le dipopego tsa mafoko go le gantsi; lemoga, tlhalosa, tlhatlhoba le go dirisa dipopi tse di farologaneng tsa dipolelo mo maitlhomong a go dirisa puo ka gale le a setaele se se rileng fela a dira diphoso tse di sa reng sepe; bontsha bokgoni jo bo siameng thata jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
bua le go tlhagisa ditlhangwa ka nyalelano le tomagano ya dikakanyo le ka go itshepa go go isegang; bontsha maitemogelo a a isegang a tiriso ya puo ka tshisimogo le tlotlo; nna tsebentlha go lemoga le go ranola tshedimosetso mo maitlhomong a a farologaneng fela a bontsha go okaoka fa a sekaseka le go tlhalosa; dirisa puo ka thelelo e e isegang le maikutlo mo maemong a a tlwaelegileng a tlhaeletsano.
lemoga, le go ranola ditlhangwa ka go itshepa go go isegang fa a buisa le go lebelela fela a tlhoka thuso fa a sekaseka le go tlhalosa; bontsha go tlhaloganya go go isegang mme a ka gatelela le go tshegetsa dikakanyo tsa gagwe ka dinako dingwe; buisetsa kwa godimo ka thelelo le maikutlo a a isegang; bontsha tshisimogo e amogelesegang mo dikakanyong tsa ba bangwe le tsa setso tse di farologaneng.
kwala le go tlhagisa ditlhangwa ka boitlhamedi jo bo itumedisang, nyalelano le tomagano ya dikakanyo fela setlhangwa se tlhaela nepagalo; kwala/tlhagisa go ya ka baamogedi, maitlhomo, maemo le dikagego tse di farologaneng ka tsela e e amogelesegang; rulaganya dikakanyo le dintlha tsa tshegetso ka botlalo le ka tlhomamo fela ka thuso ya mongwe mme setlhangwa gantsi se tlhaela boitshimololedi le bosupi jwa gore setaele ke sa gagwe; boeletsa le go baakanya diphoso mo dikwalong ka thuso ya mongwe go netefatsa tokafalo.
bua le go tlhagisa ditlhangwa ka nyalelano, tomagano ya dikakanyo le ka go itshepa go go tomagano ya dikakanyo le ka go itshepa go go isegang; bontsha maitemogelo a a isegang le isegang; bontsha maitemogelo a a isegang le tiriso ya puo ka tshisimogo le tlotlo; nna tirisopuo ka tshitshimogo le tlotlo; nna tsebentlha go lemoga le go ranola tshedimosetso tsebentlha go lemoga le go ranola tshedimosetso mo maitlhomong a a farologaneng fela a mo maitlhomong a a farologaneng bontsha go bontsha go okaoka go go rileng fa a sekaseka le okaoka go go rileng fa a sekaseka le go go tlhatlhoba; dirisa puo ka thelelo e e isegang tlhatlhoba; dirisa puo ka thelelo e e isegang le le maikutlo mo maemong a a farologaneng a maikutlo mo maemong a a farologaneng a tlhaeletsano. tlhaeletsano.
ranola le go tlhalosa ditlhangwa ka go itshepa go go isegang fa a buisa le go lebelela fela a go go isegang fa a buisa le go lebelela fela a tlhoka thuso fa a sekaseka le go tlhatlhoba; tlhoka thuso fa a sekaseka le go tlhatlhoba; bontsha go tlhaloganya go go isegang mme ka bontsha go tlhaloganya go go isegang mme ka dinako dingwe a gatelela le go tshegetsa dinako dingwe a gatelela le go tshegetsa dikakanyo tsa gagwe; buisetsa kwa godimo ka dikakanyo tsa gagwe; buisetsa kwa godimo ka thelelo e e amogelegang le maikutlo; bontsha thelelo e e amogelesegang le maikutlo, bontsha tshisimogo e e isegang mo dikakanyong tsa ba tshisimogo e e isegang mo dikakanyong tsa ba bangwe le tsa setso tse di farologaneng. bangwe le tsa setso tse di farologaneng.
kwala le go tlhagisa ditlhangwa ka kamogelesego ya boitshimololedi, nyalelano le kamogelesego ya boitshimololedi, nyalelano le tomagano ya dikakanyo le nepagalo; tomagano ya dikakanyo le nepagalo; kwala/tlhagisa go ya ka baamogedi, maitlhomo, kwala/tlhagisa go ya ka baamogedi, maitlhomo, maemo le dikagego tse di farologaneng ka tsela maemo le dikagego tse di farologaneng; e e isegang; rulaganya dikakanyo le dintlha tsa rulaganya dikakanyo le dintlha tsa tshegetso ka tshegetso ka botlalo le tlhomamo fela ka dinako botlalo ka le tlhomamo fa a bona thuso go dingwe setlhangwa sa gagwe se tlhaela mongwe; mme a bontsha bosupi jo bo isegang boitshimololedi le bosupi jwa gore setaele ke sa jwa setaele sa gagwe; boeletsa le go baakanya gagwe; boeletsa le go baakanya diphoso mo diphoso mo dikwalong ka thuso ya mongwe go dikwalong ka thuso ya mongwe go netefatsa netefatsa tokafalo. tokafalo.
Ditlhaloso tsa Bokgoni tirisopuo ka gale e se ka nepagalo; lemoga le go ranola dipharologano fa gare ga bokao le tiriso ya mafoko le dipopi tsa mafoko ka nepagalo e e isegang fela a nna le bothata fa a tlhalosa bokao jo bo fitlhegileng; lemoga le go dirisa dipopi tse di farologaneng tsa dipolelo mo maitlhomong a go dirisa puo ka gale mme ka dinako dingwe a bontsha setaele se se rileng, a ntse a dira diphoso fa a tlhalosa; bontsha bokgoni jo bo amogelesegang jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
tirisopuo ka nepagalo e e isegang; lemoga le go ranola dipharologano fa gare ga bokao le tiriso ya mafoko le dipopego tsa mafoko ka nepagalo e e isegang fela a nna le bothata fa a tlhalosa bokao jo bo fitlhegileng; lemoga le go dirisa dipopi tse di farologaneng tsa dipolelo mo maitlhomong a go dirisa puo ka gale mme ka dinako dingwe a bontsha setaele se se rileng a ntse a dira diphoso fa a tlhalosa le go tlhatlhoba; bontsha bokgoni jo bo amogelesegang jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
Ditlhaloso tsa Bokgoni ranola dipharologano fa gare ga bokao le tiriso ya mafoko le dipopego tsa mafoko ka nepagalo e e isegang fela a nna le bothata fa a tlhalosa bokao jo bo fitlhegileng; lemoga, tlhalosa, tlhatlhoba le go dirisa dipopego tse di farologaneng tsa dipolelo mo maitlhomong a go dirisa puo ka gale mme ka dinako dingwe a bontsha setaele se se rileng ka dinako dingwe a dira diphoso tse di bonagalang; bontsha bokgoni jo bo amogelesegang jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
bua le go tlhagisa ditlhangwa ka thotloetso fela go se na nyalelano le tomagano ya dikakanyo ka gale; bontsha maitemogelo a a lekaneng le tirisopuo e e bontshang tshisimogo le tlotlo; reetsa, go lemoga le go ranola ka tekano, fela a itemogela bothata jwa go reetsa ka tsenelelo go sekaseka a bo a tlhalosa tshedimosetso; dirisa puo ka thelelo ka tekano mo maemong a a tlwaelegileng a tlhaeletsano fela a palelwa ke go itlhalosa.
lemoga le go ranola ditlhangwa ka tekano fa a buisa le go lebelela fela a itemogela bothata le fa a bona thuso fa a sekaseka le go tlhalosa tshedimosetso; bontsha go tlhaloganya go go lekaneng le go neela kakanyo ya gagwe mme a tshegetsa mabaka ka dinako dingwe; buisetsa kwa godimo ka thelelo e e lekaneng, le ka maikutlo; bontsha tshisimogo e e lekaneng mo dikakanyong tsa ba bangwe le tsa setso tse di farologaneng.
nna le tlhokomelo e e lekaneng ya boitshimololedi, nyalelano le tomagano, ya dikakanyo le nepagalo fa a kwala le go tlhagisa; kwala/tlhagisa go ya ka baamogedi, maitlhomo, maemo le dikagego ka tekano; mme a dira diphoso tse dintsi; kwala/tlhagisa ka tekano go ya ka baamogedi, maitlhomo, bokao le dikagego ka go farologana, rulaganya dikakanyo le dintlha tsa tshegetso ka tekano fela diteng le tlhomamo di tlhoka gore a thusiwe mo magatong otlhe a a a tsamayang; bontsha bosupi jo bo lekaneng jwa gore o dirisitse setaele sa gagwe; boeletsa le go baakanya diphoso fela ka thuso e e tseneletseng ya mongwe go netefatsa tokafalo e e lekaneng.
bua le go tlhagisa ditlhangwa ka nyalelano le go se na nyalelano le tomagano ya dikakanyo ka tomagano ya dikakanyo ka tlhotlheletso e e rileng; metlha; bontsha ka tekano maitemogelo le bontsha ka tekano maitemogelo le tiriso ya puo ka tirisopuo ka tshisimogo le tlotlo; nna tsebentlha tshisimogo le tlotlo; nna tsebentlha ka tekano go ka tekano go lemoga le go tlhatlhoba fela a nna lemoga le go ranola fela a nna le bothata go le bothata ba go sekaseka le go tlhatlhoba sekaseka le go tlhatlhoba tshedimosetso; dirisa puo tshedimosetso; dirisa puo ka thelelo e e ka thelelo e e lekaneng mo maemong a a lekaneng mo maemong a tlhaeletsano fela ka tlwaelegileng a tlhaeletsano. dinako dingwe a tlhaela go tlhagisa maikutlo.
ranola ditlhangwa ka tekano fa a buisa le go lebelela fela a itemogela bothata le fa a bona lebelela fela a itemogela bothata fa a sekaseka, thuso fa a sekaseka le go tlhatlhoba tlhatlhoba le go tlhalosa tshedimosetso; bontsha tshedimosetso; bontsha go tlhaloganya go go tlhaloganya go go lekaneng le go fa dikakanyo lekaneng le go fa dikakanyo tsa gagwe a ba a di tsa gagwe a bo a di tshegetsa; buisetsa kwa tshegetsa ka dinako dingwe; buisetsa kwa godimo ka thelelo e e lekaneng le ka maikutlo; godimo ka thelelo le maikutlo a a lekaneng; bontsha tshisimogo e e lekaneng mo bontsha tshisimogo e e lekaneng mo dikakanyong tsa ba bangwe le mo go tsa setso dikakanyong tsa ba bangwe tsa le tsa setso tse di tse di farologaneng. farologaneng.
nna le kelotlhoko e e lekaneng go boitlhamedi, nyalelano le tomagano ya dikakanyo le nepo fa nyalelano le tomagano ya dikakanyo le nepo fa a kwala/tlhagisa; kwala le go tlhagisa ka tekano a kwala/tlhagisa; kwala le go tlhagisa ka tekano go ya ka baamogedi, maitlhomo, bokao le go ya ka baamogedi, maitlhomo, bokao le dikagego tse di farologaneng; aga dikakanyo le dikagego tse di farologaneng; aga dikakanyo le dintlha tsa tshegetso ka diteng tse di nang le dintlha tsa tshegetso ka tse di nang le boitlhamedi le tsepamo di le dinnye mme a boitlhamedi le tsepamo di le dinnye mme a tlhoka go thusiwa ka dinako tsotlhe; bontsha tlhoka thuso; bontsha ka tekano bosupi jwa gore bosupi jo bo lekaneng jwa setaele sa gagwe; o dirisitse setaele sa gagwe; boeletsa le go boeletsa le go tlhotlha diphoso a ntse a tlhoka tlhotlha diphoso a ntse a tlhoka thuso ya thuso ya mongwe go netefatsa tokafalo e e mongwe go netefatsa tokafalo e e siameng. siameng.
lemoga, tlhalosa le go dirisa dipopego tsa dipolelo mo maitlhomong a tirisopuo ka tekano fela a dira diphoso tse di masisi ka gale; bontsha bokgoni jo bo lekaneng jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe ka tekano.
Ditlhaloso tsa Bokgoni Ditlhaloso tsa Bokgoni tlhaloganya le go dirisa dipopi le melawana ya tirisopuo ka tekano fela a dira diphoso tse di botlhaswa; lemoga le go ranola dipharologano tsa bokao jwa mafoko le dipopego tsa mafoko ka tekano fela a itemogela bothata jo bogolo fa a tlhalosa tiriso ya mainamatswa; lemoga, tlhatlhoba, tlhalosa le go dirisa dipopi tsa puo ka tekano mo maitlhomong a go dirisa puo ka gale fela a dira diphoso tse di masisi; bontsha bokgoni jo bo lekaneng jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
tlhaloganya le go dirisa dipopi le melawana ya tirisopuo ka tekano fela a sa kgone go di dirisa ka nepagalo ka metlha; lemoga le go ranola dipharologano tsa bokao jwa mafoko le tiriso ya mafoko ka tekano mme a nna le bothata go tlhalosa tiriso ya mainamatswa; lemoga le go tlhalosa dipopi tse di farologaneng tsa dipolelo ka tekano ka maitlhomo a tirisopuo ya ka gale fela a dira diphoso tse di bonalang; bontsha bokgoni jo bo lekaneng jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
bua le go tlhagisa ditlhangwa ka kabakanyo e kgolo e bile a tlhagisa ka sewelo ditlhangwa tse di nang le nyalelano le tomagano ya dikakanyo; dirisa ka sewelo puo e e bontshang tshisimogo le tlotlo; kgona go le gonnye go reetsa ka tsenelelo go lemoga, ranola, sekaseka kgotsa go tlhalosa tshedimosetso; kgona go le gonnye go tlhaeletsana ka nonofo mo maemong a a tlwaelegileng mme o tlhoka thelelo le go itlhalosa mo maemong a a farologaneng a tlhaeletsano.
lemoga le go ranola ditlhangwa ka bothata ka sewelo a thusiwa fa a buisa le go lebelela mme a nna le bothata jo bogolo fa a sekaseka le go tlhalosa tshedimosetso; bontsha go tlhaloganya ka sewelo mme a kgona go le gonnye go tshegetsa dikakanyo; buisetsa kwa godimo ka go okaoka le ka maikutlo; bontsha tshisimogo mo dikakanyong tsa ba bangwe le mo go tsa setso ka sewelo.
kwala le go tlhagisa ditlhangwa fela ka sewelo di bontsha nyalelano, tomagano le boitshimololedi; ka sewelo kgona go le gonnye go kwala go ya ka baamogedi, maitlhomo, maemo le dikagego tse di farologaneng; rulaganya dikakanyo le dintlha tsa tshegetso a itemogela bothata le fa a bona thuso; bontsha bosupi jo bonnye jwa setaele sa gagwe; boeletsa le go baakanya diphoso fela a itemogela bothata le fa a bona thuso ka metlha.
bua le go tlhagisa ditlhangwa ka go okaoka mme di na le nyalelano le tomagano ya dikakanyo ka di na le nyalelano le tomagano ya dikakanyo; sewelo; bontsha tlhaelo ya maitemogelo a tiriso bontsha tlhaelo ya maitemogelo a tirisopuo ka ya puo ka tshisimogo le tlotlo; kgona go le tshisimogo le tlotlo; kgona go le gonnye go nna gonnye go nna tsebentlha go lemoga, ranola, tsebentlha go lemoga, ranola, sekaseka kgotsa sekaseka kgotsa go tlhatlhoba tshedimosetso; go tlhatlhoba tshedimosetso; dirisa puo ka dirisa puo ka thelelo le maikutlo mo maemong a thelelo le maikutlo mo maemong a a a tlwaelegileng a tlhaeletsano ka sewelo. tlwaelegileng a tlhaeletsano ka sewelo.
ranola ditlhangwa ka thuso fa a buisa le fa a e tlhomameng, fa a buisa le go lebelela mme a lebelela fa a sekaseka, tlhatlhoba le go tlhalosa itemogela bothata jo bogolo fa a sekaseka, tshedimosetso ka sewelo; bontsha tlhaelo ya go tlhatlhoba le go tlhalosa tshedimosetso; bontsha tlhaloganya a bo a fa dikakanyo mme a di tlhaelo ya go tlhaloganya mme a kgona go le tshegetsa ka sewelo; bontsha tshisimogo mo gonnye go di tshegetsa; buisetsa godimo ka go dikakanyong tsa ba bangwe le mo go tsa setso okaoka le tlhaelo ya go bontsha maikutlo; ka sewelo. bontsha tshisimogo le tlotlo mo dikakanyong tsa ba bangwe le mo go tsa setso ka sewelo.
kwala le go tlhagisa ditlhangwa fela di na le tlhaelo mo go tsa boitshimololedi, nyalelano le tlhaelo mo go tsa boitshimololedi, nyalelano le tomagano ya dikakanyo kgotsa nepagalo; kgona tomagano ya dikakanyo kgotsa nepagalo; go le gonnye go kwala/tlhagisa go ya ka kwala/tlhagisa go ya ka maitlhomo, maemo le baamogedi, maitlhomo maemo le dikagego tse dikagego tse di farologaneng ka sewelo; di farologaneng; rulaganya dikakanyo le dintlha rulaganya dikakanyo le dintlha tsa tshegetso a tsa tshegetso fela a tlhoka thuso ka dinako itemogela bothata mme a tlhoka thuso ya tsotlhe; kgona go le gonnye go bontsha bosupi mongwe; kgona go le gonnye go bontsha bosupi jwa gore o dirisa setaele sa gagwe; boeletsa le jwa gore o dirisa setaele sa gagwe; boeletsa le go baakanya diphoso mo dikwalong fela a ntse a go baakanya diphoso mo dikwalong fela ka tlhoka thuso ya mongwe. thuso ya mongwe.
bontsha tlhaelo ya bokgoni jwa go dirisa thutapuo le tlotlontswe.
Ditlhaloso tsa Bokgoni Ditlhaloso tsa Bokgoni tlhaloganya go le gonnye tiriso ya melao le melawana ya dipopi tsa puo mme a sa di dirise sentle go le gantsi; lemoga le go ranola dipharolagano tsa bokao jwa mafoko le dipopego tsa mafoko ka mme gantsi a na le bothata jwa go tlhalosa tiriso ya mainamatswa; kgona go le gonnye go lemoga, tlhatlhoba, tlhalosa le go dirisa dipopi tsa dipolelo mo tirisong ya puo ka gale mme a dira diphoso tse di masisi; bontsha tlhaelo ya bokgoni jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
tlhaloganya go le gonnye tiriso ya melao le melawana ya dipopi tsa puo le go nna le bothata go di dirisa ka nepagalo ka gale; lemoga le go ranola dipharologano mo bokaong jwa mafoko le dipopego tsa mafoko ka sewelo mme a nna le bothata go tlhalosa tiriso ya mainamatswa; lemoga tlhatlhoba, tlhalosa le go dirisa dipopi tsa dipolelo mo tirisong ya puo ka gale mme a dira diphoso tse di masisi; bontsha tlhaelo ya bokgoni jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
lemoga, ranola, sekaseka le go tlhalosa ditlhangwa fa a buisa le fa a lebelela ka bothata; bontsha tlhaloganyo ka bothata kgotsa go fa dikakanyo/go di tshegetsa, buisetsa kwa godimo ka bokoa le tlhaelo ya tshisimogo mo dikakanyong tsa ba bangwe le tsa setso tse di farologaneng.
kwala le go tlhagisa ditlhangwa fela go sa bontshe boitshimololedi/nyalelano le tomagano ya dikakanyo kgotsa nepagalo; kwala/tlhagisa e se go ya ka baamogedi, maitlhomo, bokao le dikagego; tlhagisa setlhangwa se se tletseng diphoso mo go maswe e bile se se na bokao ka ntlha ya go se tlhaloganye, le tirisopuo e e bokoa; bontsha ka bothata bosupi jwa gore diphoso di baakantswe kgotsa go boeleditswe le fa tota a na le mongwe yo o mo kaelang.
bua le go tlhagisa ditlhangwa a sena matlhagatlhaga e bile a kgaotsa gantsi, go se na matlhagatlhaga, nyalelano le tomagano ya nyalelano le tomagano ya dikakanyo; bontsha dikakanyo; bontsha go tlhoka maitemogelo tlhaelo e ntsi ya maitemogelo a tirisopuo e e kgotsa go ka dirisa puo ka tshisimogo kgotsa bontshang tshisimogo; reetsa ka bothata go tlotlo; tlhaela tota bokgoni jwa go reetsa ka lemoga ranola, sekaseka, kgotsa go tlhatlhoba tsenelelo go lemoga, ranola, kgotsa go sekaseka tshedimosetso; bontsha tlhaelo e ntsi ya le go tlhatlhoba tshedimosetso; nna le tlhaelo ya tirisopuo ka thelelo kgotsa ka maikutlo mo go dirisa puo ka thelelo kgotsa ka maikutlo mo maemong a a tlwaelegileng a tlhaeletsano. maemong a a tlwaelegileng a tlhaeletsano.
ranola ditlhangwa ka bothata fa a buisa le fa a fa a lebelela e bile a nna le bothata jo bogolo fa lebelela e bile a nna le bothata jo bogolo fa a a sekaseka, tlhatlhoba kgotsa go tlhalosa; sekaseka, tlhatlhoba kgotsa go tlhalosa; bontsha bontsha go tlhaloganya ka bothata, go fa go tlhaloganya ka bothata, go fa dikakanyo dikakanyo le tshegetso ya dintlha; buisetsa kgotsa dintlha tsa tshegetso; buisetsa godimo ka godimo ka bokoa le tlhaelo ya thelelo mo go bokoa le tlhaelo ya thelelo mo go diriseng puo; diriseng puo. bontsha tlhaelo e kgolo mo tirisong ya puo ka tshisimogo mo dikakanyong tsa ba bangwe le mo go tsa setso.
kwala le go tlhagisa ditlhangwa fela di bontsha tlhaelo e kgolo ya boitlhamedi, nyalelano le tlhaelo e kgolo ya boitlhamedi, nyalelano le tomagano ya dikakanyo; retelelwa ke go kwala/ tomagano ya dikakanyo; retelelwa ke go tlhagisa go ya ka baamogedi, maitlhomo, ka kwala/tlhagisa go ya ka baamogedi, maitlhomo, maemo le dikagego ka bothata; tlhagisa maemo le dikagego; tlhagisa setlhangwa se se setlhangwa se se diphoso bobe e bile go se diphoso bobe e bile go se bokao bope ka ntlha bokao bope ka ntlha ya go se tlhaloganye kgotsa ya go se tlhaloganye kgotsa tirisopuo e e bokoa; tirisopuo e e bokoa; rulaganya dikakanyo le retelelwa ke go rulaganya dikakanyo le dintlha dintlha tsa tshegetso kgotsa go bontsha setaele tsa tshegetso kgotsa go bontsha setaele se e leng se e leng sa gagwe ka bothata; bontsha bosupi sa gagwe; retelelwa ke go bontsha bosupi jwa jwa paakanyo ya diphoso kgotsa poeletso ka paakanyo ya diphoso kgotsa poeletso le fa a ntse bothata le fa a ntse a na le mothusi yo o a na le mothusi yo o tlhwatlhwa. tlhwatlhwa.
Tsweletso le dipopego tsa mafoko ka bothata; retelelwa ke go tlhaloganya tiro ya mainamatswa; rulaganya kgotsa dirisa dipolelo ka bothata mo puong ya ka gale kgotsa bokgoni jwa go dirisa thutapuo le tlotlontswe.
Ditlhaloso tsa Bokgoni Ditlhaloso tsa Bokgoni tlhaloganya kgotsa dirisa melao le melawana ya dipopi tsa puo ka bothata; lemoga, ranola, sekaseka le go tlhalosa dipharologano mo bokaong, mafoko le dipopego tsa mafoko ka bothata; tlhaloganya le go dirisa mainamatswa; ka bothata; retelelwa ke go rulanganya kgotsa go dirisa dipolelo ka bothata mo maitlhomong a tiriso puo ya ka gale kgotsa go bontsha bokgoni jwa go dirisa thutapuo le tlotlontswe.
tlhaloganya kgotsa dirisa melao le melawana ya dipopi tsa puo; lemoga, ranola, sekaseka le go tlhalosa dipharologano mo bokaong jwa mafoko le dipopego mafoko ka bothata; bontsha tlhaloganyo e e bokoa le go dirisa mainamatswa ka bothata; retelelwa ke go rulaganya kgotsa go dirisa diplelo ka bothata mo maitlhomong a tirisopuo ya ka gale kgotsa go bontsha bokgoni jwa go dirisa thutapuo le tlotlontswe.
Thuto ya dipoelo.baakanya diphoso - go ntsha diphoso tsa mokwalo le matshwao a puiso a etswe tlhoko.baamogedi - bareetsi, babogedi, babuisi ba mefuta e e farologaneng ya tlhaeletsano ka kakaretso.boakaretsi - molawana o o reng thuto e fitlhelelwe ke baithuti botlhe ntle le go ba kgetholola ka ntlha ya bokoa bongwe jwa bona, e ka nna jwa dirwe tsa mmele kana tlhaloganyo.bodiragatsi - go tsaya karolo mo motshamekong, sekai terama.bokgabane - matsetseleko.boitlhamedi - mafoko a setheo kgotsa borutegi jo bo rileng; e le mareo a a ka itsiweng ke ba setheo felaboitshimololedi - boikakanyetsi jwa moithuti ka nosi jo bo kgethegileng, a bo ithaetse go tlhagisa kitso ya gagwe.bonnye jo bo dumeletsweng - ntlha e e kwa tlase e e kayang gore tiragatso e e neilweng e fitlheletswe.
Fa moithuti a newa tiro e e leng gore o tshwanetse go bona diperesente di le 50 go e falola, peresente e, kebonnye jo bo dumeletsweng go falola.bokao jo bo bofitlha - bokao jo bo kunameng bo sa tlhalosege bo le tlhôlôlôbotlhagisi pele jwa setshwantsho le lemorago lwa sone - sekao go tlhagisa dithungthung le pula ya matlakadibe kwa tshimologong ya setshwantsho go latelwa ke ditiragalo tse di tshosang didiriswadintsi - go dirisa mmogo didiriswa jaaka setlhangwa, ditshwantsho, digatisamodumo, thelebipene, bidiyo jj jaaka dithusathuto mo thutong.dikarolo tsa polelo - dikarolwana tse di bopang polelo jk, lediri, sedirwa, letiro, dipolelwana jj. dipopi tsa puo - dikarolwana tsa puodipuisano - ditherisano tse go ikaeletsweng gore go dumalanwe ka mogopolo pele go tsewa tshwetso kgotsa go diriwa sengwe dingangisano - dikganetsano dipoelo tsa botlhokwa - dipoelo tse, mmogo le Dipoelo tse Dikgolo, tse di bopang Dipoelo tse Kgolo tsa Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso), tse di tlhotlhelediwang ke Molaotheo - di akaretsa dikgono tsa pinagare tsa botshelo tsa baithuti, jaaka tlhaeletsano, kakanyo e e tseneletseng, tiro le tsamaiso ya tshedimosetso, tiro ya ditlhopha le ya baagi le dikgono tsa go lekanyetsa.
dipoelo tsa kgolo - tsona, mmogo le Dipoelo tsa Botlhokwa, di bopa pinagare ya dipoelo tsa Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso), tse di tlhotlheletswang ke Molaotheo - di akaretsa go kgontsha baithuti go ithuta sentle, go nna baagi ba ba nang le boikarabelo.
diponagalo - dilo dingwe tse di itlhophileng tse di tlhaolang se sengwe go se sengwe jaaka poko e farologanale padi. Sekao; Diponagalo tsa leboko ke: ditema, dipoeletso, moribo, morumo, jj.dipotso tse di sa batleng dikarabo - jaaka A lo batla go boela mo pusong ele ya tlhaolele?
dipotso tse di tseneletseng - dipotso tse di lekang kitso bogolo jang ka dikgaisano le go itumedisa.ditsela tsa ditiro - tiro e moithuti a batlang go e dira morago ga dithuto. Dithuto tse a di tlhophileng tsamotheo di lebane le tiro eo.
ditshwanelo tsa botho - sengwe le sengwe se ka molaotheo wa naga e leng tshwanelo ya moagi mongwe le mongwe, go se dira, bua, amogela jalojalo kwa ntle ga go kgorelediwa kgotsa go kgoreletsa ba bangwe.ditshwantshotshupetso - ditshwantsho tse di nolofaditsweng go bontsha popego kgotsa ka mo selo sebonwang ka teng.
emelela ntlha (go) - go ema kgatlhanong le tlhaselo ka maitlhomo a go netefatsa se a se buang/emetseng.go beela lonao - go beela motho serai kgotsa go epela motho lemena.go phopholetsa - go batla ka go utlwelela ka menwana o sa bone kgotsa go leka go tlhaloganya se o se utlwang ka go akanya.go tlhagisa ntlha ya gagwe - go akgela kgotsa go tshwaela.godisa - go oketsa kitso, bokgoni, kgotsa popego.ineelo - dira tiro kgotsa diragatsa maitlhomo ka botswapelo.ka botlalo - go akaretsa dintlha tse dingwe tse di tlhokagalang kgotsa tse di tshegetsang.kaedi - go thusa ka dikakanyo, dikeletso kgotsa tshedimosetso tse di nang le thuto nngwe ka maitlhomo a go rarabolola bothata go kgontsha batho go ikemela ka bobona.kagego - thulaganyo ya setlhangwa go ya ka popego, bogolo le tatelano ya diteng.
ka tekano - se se dirwang se dirwa ka tsela e e lebeletsweng kgotsa e e amogelegang.kakanyetso - dilo tse di akanngwang e le nnete ka maemo.katlholelopele - kakanyo e e fosagetseng e e dirwang e sena bosupi kgotsa e sa sekasekwa ke mongwe.kgato - kitsiso ya kgotsa bokgoni jwa tiro go ya jaaka fa e dirwa go tswa kwa tshimologong go fitlha kwa bokhutlong.
kgasakgaso - maiteko a ka bomo a go leka go tlhotlheletsa dikakanyo tsa batho ka go tlhagisa tshedimosetso ee ka nnang nnete kgotsa maaka ka maikaelelo a go dira gore ba dumele se ba se utlwang kgotsa ba se bonang.kgobokanyo ya dintlha - go kgobokanya dintlha tse di tsamaelanang ka go di golaganya ka mela.kgonya - go ema tsi! fa o buisalebelela ka tsenelelo - go lebelela lokwalo kgotsa go lo sekaseka ka maitlhomo a go bona bokao jo bo fitlhegileng le go le tlhaloganya.
lebolelateng - mofuta wa bolwetse jo mogare wa lona o atelang mo mading a motswasetlhabelo morago ga gotshwaediwa mme o koafatse masole a mmele.leetsi - mafoko a a etsisang modumo wa sengwe.lenaanenetefatso - papetlana e go kwadilweng dintlha tse di tla lebelelwang fa tiro e e neetsweng e atlega kana e sa atlege ka go feta di tshwaiwa mme morago go tsewe tshwetso e e maleba.
Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) mme a tlhangwa kediporofense, dikolo le barutisi.letlhomeso la taolo ya borutegi la bosetphaba - ke morero o o tshwanang le go farologana le paakanyo e e laolang go ithuta le go ruta mo Aferika Borwa.letshwao - sengwe se se tshwantshitsweng go tsibosa kgotsa go fetisa tshedimosetso/taelo. Sekao; letshwao le, le tlhalosa gore mmino ga o a dumelelwa. le, le bolela gore batho ba ba dirisang ditilo tsa maotwana ba ka dirisa tulo e.
maemo a tekanyetso - kitso, kgono le maikutlo tse baithuti ba tshwanetseng go di bontsha le gore ba fitlheletse dipoelothuto mo kereiting nngwe le nngwe.
mafoko a a bokaobontsi - sekao: (i) Mothusi ke kgosi ya Bakgatla kgr:-ke moetapele wa morafe, o tlhomilwe go nna kgosi. (ii) Ke kgosi kwa tirong kgr:-ke ena yo mogolo ka maemo.
Dipuo - Setswana Puotlaleletso Ya Ntlha kgr:-ke ena tibola ntha, ngwana wa ntlha.maitlhomo - lebaka le le dirang gore sengwe se dirwe kgotsa se nne teng.marara - ditiragalo/dintlha tse dintsi tse di golaganeng di le thata go tlhaloganyega.
matseno - tlhaloso e e botlalo ka ga sengwe se go buiwang kgotsa go kwadilweng ka ga sona. Sekao; mo dikwalong matseno a tlhagisa moanelwamogolo, motlhodi wa kgotlhang, lefelokgang, nako jj.mefuta ya dikwalo - lereo le le dirisetswang mefuta ya dikwalo jaaka diporouse tsa boitlhamedi, maboko lediterama.
mefuta ya dipolelo - go na le mefuta e e farologaneng ya dipolelo tse di jaaka dipotso, ditaelo, dipegelo jj.mekamekana - go dirisana, buisana, lebelela, le go reetsana ka botlalo le ka mokgwa o o rileng go nna leseabe mmogo.melawana - ditlwaelo tse di amogelegileng ka kakaretso, e ka nna ka tsela ya boitshwaro, go buisana le bathoba bangwe kgotsa ka mo mafoko a tshwanetseng go latelana ka teng mo polelong. metheo e e rulaganyang - metheo le manaane a go ruta a a itshetlegileng ka bokgoni jo bo tshwanetseng gogodisiwa mo baithuting le ditlhangwa tse di tla letlang baithuti go tlhatlhoba dintlha tse di ba amang, tsasetphaba le tsa lefatshe lotlhe.mogare wa lebolelateng - lebelela lebolelatengmogopolo - se motho a se akanyang; monagano.mokgwa - ke tsela e tiro e dirwang ka yona.mokwalotlanyo - go kwala ka motshini o o tlanyang, ka khomputara kgotsa sebalamakgolo.molao wa boitshwaro - melao ya botho e e laolang kgotsa e e tlhotlheletsang boitshwaro jwa motho.motlhala - ntlha kgotsa lenathwana la bosupi le le dirisiwang go tlhagisa nnete e e fitlhegileng kgotsa gorarabolola bothata.namatsha - go itumedisa tota.ngôka - ôka sengwe ka go se kgatlha.nonofo - go tlhagisa tiro ka mokgwa o o lebeletsweng o o atlegileng.ntlhakemo - ntlha e mmui a e dibelang mo dipuisanong fa a neela mabaka a a maleba.
nyalelano - mogopolo le dikakanyo di du malana sentle.pegelo - go bega sengwe ka go se ranola ka maitlhomo a go senola bokao jwa sona.pegelo ya kharikhulamo ya bosetphaba - pegelo e e emelang pholisi ya go ithuta le go ruta kwa dikolong mo thutong ya Thuto le Katiso e e Tswelelang. Poelo ya go Ithuta - dipholo kwa bofelong ba tiro ya go ithuta mo thutong e e ikaegileng ka dipoelo tse dithusang go batla tiro ya go ithuta.pueletsopuiso - go buisa ka maitlhomo a go netefatsa fa o kwadile sentle go se na difatlhi, morago o tlhagisetiro ya gago go ka buisiwa ke botlhe porofaele ya moithuti - rekotokakaretso ya moithuti, go akarediwa tshedimosetso ka ga gagwe, kgolo yaloago, ditlhokego tsa tshegetso, dikao tsa bontlhanngwe jwa tiro ya gagwe, le pegelo ya ngwaga otlhe. potofolio ya moithuti - faele ya moithuti mongwe le mongwe kgotsa kokoanyo ya tiro ya gagwe ya tekanyetso ya tsweletso ya ngwaga otlhe.
potsotherisano - puisano gareng ga batho ba babedi kgotsa go feta, yo mongwe a botsa mme yo mongwe aaraba.poloto - thulaganyo ya ditiragalo tsa setlhangwa, go tloga ka tshimologo, setlhoa le bokhutlo, mme di akaretsa kgang/thitokgang e le nngwe.
polotwana - thulaganyo ya ditiragalo tse dingwe tse dinnye ka fa gare ga lokwalo le le lengwe mmetiragalonyana e, e na le tshimologo, setlhoa le bokhutlo ba yona.puo e e ithaetsweng - puo e e itlhametswengpuo eo e dirisiwang go bua ka thuto ya puo - puo e e dirisang tlotlontswe e e jaaka lediri, poloto, tematheto, leina, letlhalosi jj.
puo ya botshwantshi - mafoko le dipolelo di lere bokao jwa dikapuo jaoka, tshwantshanyo, mothofatso letshwantshisopuo ya kgobelelo - puo e e tsayang letlhakore e dira gore go nne thata go tsaya tshwetso e e siameng.puo ya tlhotlheletso - maikutlo a dirisiwa go gapa le go sia ka mogopolo wa motho.puo tlaleletso - puo ya bobedi kgotsa ya boraro e e ithutiwang mmogo le puo ya gae.
Dipuo - Setswana Puotlaleletso Ya Ntlha dumelelanwang ka ona.puo ya go ruta le go ithuta - puo e e dirisiwang mo sekolong go ruta le go ithuta.puo ya tikologo e e rileng - puo e e buiwang ke batho fela ba tikologo kgotsa karolo e e rileng ya naga. puotlwaelo - puo e e dirisiwang mo motlotlong fela go sa dirisiwe mafoko a a maleba/a a siameng kana go sa latelwe melao le melawana ya tiriso ya puo.
puotswako - puo e e seng ya semmuso e ka gale e dirisiwang ke setlhopha sa batho jaaka go dirisa mafoko adipuo tse dingwe mo puong. (puo ya botsotsi).rerisana - go leka go fitlhelela tumalano kgotsa go fitlhelela tumalano ka go tlosa dipelaelo dingwe fa mongwe a buisana le bangwe. Go leka go bona tsela kgotsa mokgwa wa go tlhaloganya se se buisiwang, reediwang kgotsa dirwang.segalo - lentswe, modumo, bokibo le mosito fa motho a ne a bua kgotsa a opela.
se se kwadilweng - bokao jo bo tlhamaletseng jo bo ka golaganngwang le se se kwadilweng.segalo - tsela ya go kapodisa lefoko go fapaanya bokao jwa lona le a mangwe a a nang le modumo o otshwanang le lona.
sekgamu sa thuto le katiso e e tswelelang - ke thuto ya dingwaga di le 3 tsa thuto ya sekolo go tloga ka kereiti 10-12. Ke kgato ya bofelo ya Thuto le katiso kwa dikolong.setlhangwa - tsela e motlhaeletsi a e dirisang go tlhagisa kgotsa go fetisa tshedimosetso jaaka: go kwala, bua, leba, supetsa jj.
setshwano sa popego - ka mo selo se bopegileng ka teng.setifikeiti sa thuto le katiso e e tswelelang (STKE) - lokwalo lo lo amogelwang morago ga go wetsa sekgamusa Thuto le Katiso e e Tswelelang.
tebokakaretso - thadisokakaretso kgotsa tshobokanyo ya sengwe.tebo ya matlho - go bua le go buisa o ntse o lebelela bareetsi mo matlhong.tekanyetso - puo, kitso, bokgoni, le boitshwaro tse moithuti a tshwanetseng go di ithuta le go di dira/supetsa tsa kwa bofelong jwa kereiti e e rileng.tekanyetso e e tswelelang - ke tekanyetso e e tsweletseng e e rotloetsang tswakanyo ya tekanyetso mo goruteng le mo go goleng ga baithuti ka tsela e e tsweletseng ka go itsise tiragalo.tekanyetso - tiragalo e e rulagantsweng e e tswelelang ya go kokoanya tshedimosetso ka ga bokgoni jwa moithuti, jo bo lekanyeditsweng go ya ka Maemo a Tekanyetso.thadiso - go neela ka tlhaloso ya mongwe, sengwe kgotsa tiragalo ka mokgwa wa go kwala kgotsa go bua.thelelo - go buisa ka maikutlo a a maleba le diteng, lentswe le segalo di nyalelana e bile melao ya puiso yotlhe e nepagetse.thesorase - bukafoko ya makaelagongwe le malatodi.tomagano - dikakanyo tse di tlhalosegang ka dikarolwana tsa tsone tsa go tlhalosa kgotsa go dira sengwe.thôôthôô - ga nnete, se e leng sona tota.thuto e e kwa godimo - kgato ya thuto e e tlang morago ga Kereiti ya 12. E ka ithutiwa kwa diyunibesithing le kwa dithekenikoneng tseo di welang mo legatong lwa thuto e e kwa godimo.
thuto tsa boitshenkedi - setlhopha sa dithuto tse moithuti a ka di itlhophelang go tlaleletsa palo ya dithuto tse di tlhokegang. thuto tsa motheo - setlhopha sa dithuto tse moithuti a ka ithutang tsona go ya ka tiro e a batlang go e dira fa a batla go ithutela tiro tsa kgwebo o tla tsaya dithuto tsa kgwebo.thuto tsa patelesego - setlhopha sa dithuto tse moithuti a patelesegang go di ithuta go falola kereiti.thuto ya kakaretso le katiso - dingwaga tse di lesome tsa pateletso tsa sekolo tse di akaretsang thutopotlana, thuto e e magareng le thuto e e godimo.tiisa - go kopanya manathwana a dilo jk. Dikakanyo, dintlha go bopa selo se le sengwe se se tlhaloganyegang.tikologo - maemo a a farologaneng a tiro e diragalelang mo go yona.tiragatso - ditlamorago tse di nnang teng morago ga tiro e sena go dirwa.tiriso ya puo - ka mo puo e dirisiwang ka teng go lebilwe bosemmuso, tlotlontswe, kapodiso, jj. Le gore e lebiseditswe mang, kae.tiro - tiro e e newang baithuti go e dira, e ka nna go reetsa, go bua, kwala, lebelela, tlhotlhomisa jj.tlhaeletsano - puisano ka mogala, lekwalo, seya le mowa thelebeshine le ka kokgwa mongwe le mongwe fela o o ka otlegisang kgorogo thomelo ya molaetsa tlhagisa - go neela tshedimosetso ka ga sengwe kgotsa kgang.
Dipuo - Setswana Puotlaleletso Ya Ntlha go dirisiwa.tlhamo ya kakanyo - tlhamo ya se se akantsweng/itlhametsweng se diriwa nnete.tlhaolele ya bosemorafe, dingwaga, bong, maemo a bokgoni/tsholo - lemoga pharologano kgotsa go dirisa pharologanyo go letlelela kgotsa go thibela sengwe.tlhaoletsweng - go eletsa kgotsa go laela tiriso ya sengwe mo karolong/setlhopheng/mophatong o o rileng ka nako e e rileng. Sekao; dikolo di ka elediwa kgotsa go laelwa go dirisa dibuka tse di rileng mo mephatong e erileng ka dingwaga tse di rileng, e le go nna le taolo ya tiriso le ya tekanyetso ya tsona.tlhatlhelela - mokgwa wa go neela tshedimosetso go baithuti mo phaposing kgotsa bareetsi ka ga thuto e e rileng.
tlhotlha diphoso - go sekaseka, lolamisa, go ntsha diphoso tsotlhe mo setlhangweng morago o nyalanyedintlha.tlhatlhoba/sekaseka - tlhatlhobo ka mokgwa o o rileng go bona sebopego kgotsa se tlhamilwe jang.tlhatlhoba ka tsenelelo - bopa kakanyo ya boleng le bokao jwa sengwe.tlhatlhobo e e tswelelang - sekao sa tlhatlhobo e e rotloetsang tomagano ya tlhatlhobo mo go ruteng le tswelelong ya baithuti go ya ka pegelo e e tswelelang.
tlhatlhobophitlhelelo - mofuta wa tlhatlhobo e e tlhatlhobang tswelelopele ya moithuti go neelana ka pegelo ee tla tiisang go ithuta.tlhotlheletso ka botlhale gore batho ba nne mo letlhakoreng la mmui - puo ya maitlhomo a go ngoka batho gore ba dumele se mmui a se buang ka tsela e e sa siamang.tlhotlhomisa - go batlisisa sengwe se se sa tlhagisiwang sentle ka go buisa, botsa dipotso, lebelela jj. go se tlhalosa.tlodisa matlho - go lebelela sengwe e se ka tsenelelo /kgotsa go buisa ka bonako go bona kakanyokakaretso.tlopelo - tiriso ya mafoko a mantsi a a sa tlhokegeng.tota - go dira sengwe ka tlhamalalo; se gaisa, se nepagetsetotobetseng - bokao jo bo tlhamaletseng e bile bo kwadilwe.tsaya letlhakore (go) - go sekamela mo, kgotsa go gatelela letlhakore, kakanyo kgotsa motho yo o rileng.
tsela - dintlha/ditlhokego tse di beilweng, mme di tshwanetse go fitlhelelwa ka maitlhomo a go lekanyetsakgotsa go amogelega.tsepameng - ntlha e e leng ya botlhokwa mo go se go buiwang ka ga sona.
tshetlego - go naya karabo e e nang le mabaka a a tswang mo bopaking jo bo rileng.tshwantshiso - e lemogiwa ka tiriso ya tlhamalalo fa go tshwantshangwa dilo, sekao: Pule ke tau ke go rePule o bogale jaaka tau.
<fn>Setswana 2nd Language.txt</fn>
Buka e e arogantswe ka dikgaolo di le nne. Go botlhokwa gore mmuisi a buise a bo a lomaganye tshedimosetso go tswa mo dikarolong tse di farologaneng tsa tokomane e.
Kgaolo e, e tlhalosa metheo le diponagalo tsa kagego tsa Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso). E fa mmuisi matseno a kharikhulamo.
Ithuta tsa Lekala la go Ithuta la Dipuo. E naya tshedimosetso e e baakanyetsang pegelo ya Dipuo.
Kgaolo e, e tsentse Maemo a Tekanyetso a Poelo nngwe le nngwe ya go Ithuta, ga mmogo le diteng le maemo a serutwa. Maemo a Tekanyetso a rulagantswe go thusa mmuisi go bona tsweletso e e ikaeletsweng go tloga mo Kereiting ya 10 go ya go Kereiti ya 12. Ka jalo Maemo a Tekanyetso a adilwe go anama ditsebe tse pedi. Kwa bofelong jwa kgaolo go diteng le maemo a go fitlhelela Maemo a Tekanyetso a a tshitsinngwang a a ka dirisiwang go ruta, go ithuta le go fitlhelela Maemo a Tekanyetso.
Kgaolo e e tshwaragane le ditsela tsa tekanyetso ka kakaretso tse di tlhagisiwang ke Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba. Kwa bofelong jwa kgaolo e go na le letlhomeso la Tlhaloso ya Bokgoni jwa thuto jwa serutwa se se totobaditsweng. Letlhomeso le tsentse khoutu, sekale le tlhaloso ya bokgoni ya kereiti e nngwe le e nngwe. Ditlhaloso tsa Bokgoni di rulagantswe ka tsela e e tla dirang gore mmuisi a kgone go bona tsweletso go tswa mo Kereiting ya10 go ya go ya 12.
Matshwao a a latelang a dirisiwa go bontsha Dipoelo tsa go Ithuta, Maemo a Tekanyetso, dikereiti, dikhoutu, dikale, Ditlhaloso tsa Bokgoni, diteng le bokao.
Kamogelo ya Molaotheo wa Rephapoliki ya Aferika Borwa (Molao 108 wa 1996) e neela motheo wa phetogo le kgodiso ya kharikhulamo mo Aferika Borwa.
aga motheo wa morafe mo temokerasing le kgololosego ya puso, e e ikaegileng ka keletso tsa batho e bile baagi botlhe ba a sireleditswe ke molao ka go lekalekana; le go aga Aferika Borwa yo o kopaneng wa temokerasi e bile a kgona go ikemela ka nosi mo ditphabeng tse dingwe.
Go ya ka molaotheo o, 'mongwe le mongwe o na le ditshwanelo tsa go tsweletsa thuto e puso e tshwanetseng go dira gore e fitlhelelwe ka botlalo'.
Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e aga motheo wa go atlegisa maikaelelo a, ka go tlhagisa Dipoelo tsa go Ithuta le Maemo a Tekanyetso, le ka go tlhalosa metheo tota ya boleng jo bo tshegeditseng kharikhulamo.
go fa thulaganyo ya kitso ya tlholego boleng; le ikanyego, boleng le nonofo.
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aferika Borwa o aga motheo wa phetogo ya loago mo setphabeng ka go baakanya ditlamorago tsa tlhaolele. Maitlhomo a setphaba sa Aferika Borwa ka go dirisa mekgwa e e rileng ya go lere diphetogo a tswa mo ditlhokegong tsa go siamisa ditshiamololo tse di tlhodilweng ke kgethololo mo mabakeng otlhe a setho, bogolo jang mo thutong. Thuto mo phetogong ya loago e ikaeletse go baakanya go sa lekalekaneng mo thutong mo nakong e e fetileng, go lebelelwe, le gore ditphono tse di lekalekanang tsa thuto di fiwa batho bothe. Go fitlhelela phetogo ya tshedisano, baagi ba Aferika Borwa ba tshwanetse go newa dithata tsa thuto ka go lemoga bokgoni jwa bona le go tlosa maparego a maitirelo go fitlhelela borutegi jo bo rileng.
Thuto ya dipoelo e aga motheo wa kharikhulamo ya Aferika Borwa. E leka go kgontsha baithuti botlhe go fitlhelela bokgoni jo bo kwa godimo jwa go ithuta ka go tlhoma Dipoelo tsa go Ithuta tse di tshwanetseng go fitlhelelwa kwa bofelong jwa tsamao ya thuto. Thuto ya Dipoelo e rotloetsa ditsela tsa thuto tse di itshetlegileng ka baithuti le tse di itshetlegileng ka ditiro. Pegelo ya Karikhulamo ya Bosetphaba e bopa Dipoelo tsa go Ithuta tsa yona tsa Dikereiti tsa 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) go tswa go Dipoelotsenelelo le Dipoelotlhabololo tse di tlhotlheleditsweng ke Molaotheo le go bopiwa ka tsamaiso ya temokerasi.
dirisa bonetetshi le thekenoloji ka nonofo le ka tsenelelo go supa maikarabelo mo tikologong le boitekanelong jwa ba batho bangwe; le go bontsha go tlhaloganya fa lefatshe e le ngata e le nngwe ya ditsamaiso tse di golaganeng le go lemoga gore tharabololo ya mathata ga e diragale ka bojosi.
tlhotlhomisa ditphono tsa thuto le tiro; le go godisa ditphono tsa kgwebopotlana.
Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Kereiti ya 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e ikaelela go godisetsa maemo a kitso le a bokgoni jwa moithuti kwa godimo. E baya maikaelelo a a kwa godimo a baithuti ba Aferika Borwa ba ka a fitlhelelang ka tshiamiso ya semorafe go lekwa gore batho bangwe bao ba neng mo nakong e e fetileng ba tlhoka kitso le bokgoni ba akarediwe. Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba e totobatsa maemo a bonnye jo bo tlhokagalang jwa kitso le bokgoni jo bo tshwanetseng go fitlhelelwa mo kereiting nngwe le nngwe, le go baya maemo a a fitlhelesegang a a kwa godimo mo dithutong tsotlhe.
Tsenyeletso e fitlhelelwa gotlhe mo dirutweng le mo mafapheng a go ithuta. Tsenyeletso ya kitso le bokgoni go akaretsa dirutwa le mafelo a thuto e botlhokwa mo go fitlheleleng bokgoni jwa go dira jaaka di tlhalosiwa mo Letlhomesong la Taolo ya Borutegi la Bosetphaba. Bokgoni jwa tiro bo ikaeletse go tswakanya mekgwa e le meraro ya bokgoni e e itlhaotseng - e bong, bokgoni jwa tiro ya diatla, motheo le jwa kakanyo. Ka go tsaya tsenyeletso le bokgoni jo bo dirisiwang, Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go ithuta ka kakaretso) e batla go godisa tsenyeletso ya go ithuta tiori, tiro ya diatla le kakanyo.
Tsweletso ke tsela ya go godisa go ya pele kitso e e boteng le bokgoni jo bo kwa godimo. Dipegelo tsa Dirutwa di bontsha tsweletso go tswa mo kereiting e e rileng go ya go e nngwe. Poelo ya go Ithuta nngwe le nngwe e latelwa ke pegelo e e itlhalosang ka ga maemo a go dira a a lebeletsweng ka Poelo ya go Ithuta. Maemo a Tekanyetso a rulagantswe ka mokgwa o o bontshang kgolo ya maemo a a oketsegang mo kereiting nngwe le nngwe. Diteng le maemo a kereiti nngwe le nngwe di tla bontsha tsweletso e e simololang e le bonolo mme e oketsege go nna marara.
Kamano e kaya botsalano gareng ga borutegi mo maemong kgotsa mo dikgatong tse di farologaneng tsa Letlhomeso la Taolo ya Borutegi la Bosetphaba ka ditsela tse di rotloetsang phitlhelelo go tswa mo boruteging jo bo rileng go ya go jo bongwe. Seno se botlhokwa thata mo borutigeng jo bo welang mo karolong e le nngwe ya dithuto tse di rileng. Ka ntlha ya gore sekgamu sa Thuto le Katiso e e Tswelelang se thaetswe fa gare ga dikgamu tsa Thuto le Katiso e e Akaretsang gammogo le Thuto ya Boemo-Godimo, go botlhokwa gore Lokwalo lwa Thuto le Katiso e e Tswelelang (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) le amane le Lokwalo lwa Thuto le Katiso e e Akaretsang le borutegi mo ditseleng tseo di tshwanang le tsa go ithuta tsa Thuto ya Boemo-Godimo. Go atlega mo go fitlheleleng kamano e, kgolo ya Pegelo ya Serutwa sengwe le sengwe e akareditse go leba ka tsenelelo, tebelelo ya boemo jo bo kwa godimo jwa fa baithuti ba fetela pele go tswa mo lokwalong boruteging jwa thuto le katiso, gammogo le kitso e go solofetsweng gore e tla bo e fitlheletswe ke baithuti fa ba fetela kwa ditheong tsa thuto e e kwa godimo.
Phetolelo ya dithuto e kaya go anama ga dikarolo tsa borutegi (serutwa kgotsa maemo a motheo) ka mo di ka fetisetswang go tswa go borutegi jo bongwe go ya go jo bongwe ka ditsela tse di farologaneng tsa go ithuta tsa kgato ya Letlhomeso la Taolo ya Borutegi la Bosetphaba. Mo maitlhomong a go oketsa phetolelo ya dithuto tse di bonweng mo dikereiting tsa 10 - 12 le mekgwa ya go tsaya serutwa jaaka maemo a motheo a yuniti ya dikerediti di le 20 a tlhotlhomisitswe. Ditiro tse di tsentsweng mo Pegelong ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti tsa 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) di bapisega le maemo a motheo a yuniti a a maleba a a kwadisitsweng mo Letlhomesong la Taolo ya Borutegi la Bosetphaba.
Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e batla go rotloetsa ditshwanelo tsa botho, boakaretsi, bosiamisi jwa loago le bosiamisi jwa tikologo. Dipegelo tsa Dithuto tsotlhe tse di bopilweng sepwa, di tsenyeleditswe le metheo le ditlwaelo tsa bosiamisi jwa loago le tikologo le ditshwanelo tsa botho jaaka di ranolwa mo Molaotheong wa Rephaboliki ya Aferika Borwa. Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e na le tshisimogo mo mabakeng a dipharologantsho jaaka botlhoki, go sa lekalekane, lotso, bong, puo, kgolo, bogole le mabaka a mangwe.
Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e tsaya mokgwa wa boakaretsi ka go totobatsa ditlhokego tsa bonnye jo bo lebeletsweng mo baithuting botlhe. E amogela gore baithuti botlhe ba ka kgona go gola le go fitlhelela bokgoni jo bo tletseng jwa bone fa e le gore ba tla neelwa tshegetso e e tlhokagalang. Ditlhokego tse tota e leng tsa botlhale, bomorafe, maikutlo, semowa le tsa mmele tsa baithuti di tla lebelelwa ka go aga le go godisa Manaanethuto a a maleba, le ka go dirisa didiriswa tse di maleba tsa go lekanyetsa.
Ka dingwaga tsa bo 1960 tiori ya botlhalebontsi e ne ya pateletsa boradithuto go lemoga gore go ditsela di le dintsi tsa go fetisa kitso gore o kgone go tlhaloganya tsa lefatshe, le gore, fa mongwe a tshwanela go tlhalosa botlhale sepwa, a tshwanetse go tsaya ditsela tse di farologaneng tse tsia. Go fitlha ka nako eo, ba mafatshe a a tlhabologileng pele ba ne ba tsaya gore bokgoni jwa go akanya, kitso ya dipalo, le bokgoni jo bo rileng jwa dipuo, le go kaya fa batho ba le "botlhale" fela fa ba itse go dirisa ditsela tse go na le boleng. Jaanong, batho ba lemoga dipharologano tse di anameng tsa thulaganyo ya kitso tse ka tsona batho ba tlisang tlhaloso ka tsona, le go golaganya bokao mo lefatsheng le ba tshelang mo go lona. Dithulaganyo tsa kitso ya tlholego mo maemong a Aferika Borwa, di kaya kitso e e tseneletseng mo kakanyong ya filosofi ya Aferika le ditiragatso tsa semorafe tse di nnileng teng mo dingwageng di le dikete tse di fetileng. Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e akareditse kakanyo ya Thulaganyo ya Kitso ya Tlholego mo teng ga Dipegelo tsa dirutwa. E amogela gore naga rona e humile ka ditiragalo le boswa jaaka di nnile le seabe mo go dingwao tse di tsentsweng mo Molaotheong. Dintlha di le dintsi tse di farologaneng di akareditswe mo go kgonagalang go thusa go rarabolola mathata a a ka tswang a le gone mo dirutweng tsotlhe.
Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e ikaelela go atlega mo ikanyegong ka go leka go fitlhelela lenaanetsamaiso la diphetogo le ka go neelana ka thuto e e bapisegang ka boleng, bophara le boteng le ya dinaga tse dingwe. Netefatso ya boleng e tshwanetse go diragatswa go ya ka ditlhokego tsa Molao wa Lekgotla la Taolo ya Borutegi la Aferika Borwa (Molao wa 58 wa 1995), Melawana ya Netefatso ya Boleng ya Thuto le Katiso, le Molao wa Netefatso ya Boleng ya Thuto le Katiso e e Tswelelang (Molao wa 58 wa 2001).
Selo se se leng botlhokwa thata mo kgolong ya rona jaaka batho, ke ditlwaelo tse di nayang bokao jwa semowa le botlhale mo loetong lwa botshelo.
Mofuta wa moithuti yo o lebeletsweng ke yo o tla tlhotlheletswang ka tsela e e siameng ka boleng le go dira go ya ka dikgatlhego tsa morafe, go ikaegilwe ka go tlotla temokerasi, tekatekanyo, tlotlo ya botho, le bosiamisi jwa loago jaaka di rotloediwa mo Molaotheong.
Moithuti yo o tswang mo sekgamung sa Thuto le Katiso e e Tswelelang o tshwanetse gore a bontshe le phitlhelelo ya Dipoelotsenelelo le Dipoelotlhabololo tse di kwadilweng pelenyana mo lokwalong lo. Dirutwa tsa Konôkonô, di rotloetsa phitlhelelo ya Dipoelotsenelelo le Dipoelotlhabololo ka kopanelo, fa dirutwa tse di rileng tsa dithuto tsa Motheo le tse di ikgethelwang nngwe le nngwe, e rotloetsa phitlhelelo ya Dipoelotsenelelo le Dipoelotlhabololo tse di rileng.
Barutabana botlhe le boradithuto ba bangwe ke baabi ba bagolo ba phetogo ya thuto mo Aferika Borwa. Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e batla barutabana ba ba nang le makwalo a go ruta, bokgoni, boineelo le tlhokomelo. Fa ba na le tsotlhe tse, ba tla kgona go diragatsa ditiro tsa mefuta tse di kwadilweng mo lokwalong lwa Phitlhelelo le Maemo a a amogelesegang a Boradithuto. Seno se akaretsa go nna batsereganyi ba thuto; bafetoledi le batlhami ba Manaane a go ithuta le didiriswa tsa go ruta le go ithuta, baeteledipele, batsamaisi le balaodi, baithuti, babatlisisi le barutwana ba leruri, baagi ba tikologo le baagi mo nageng, baruti, balekanyetsi ba dithuto le baitseanape ba dirutwa.
Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e na le Lokwalo lwa Tebokakaretso, Letlhomeso la Pholisi ya Borutegi le Tekanyetso le Dipegelo tsa Dirutwa.
Dirutwa tse di mo Pegelong ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) di arogantswe ka mafapha a go ithuta.
Lekala la go Ithuta ke eng?
Lekala la go Ithuta ke karolo e e dirang jaaka legae la dirutwa tse di tsamaelalang e bile e atlegisa go tlhangwa ga melao e e bopang Lokwalong lwa Thuto le Katiso e e Tswelelang (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso). Kgaoganyo ya makala a go Ithuta a Dikereiti 10 - 12 e ela tlhoko kamano ya sekgamu sa Thuto le Katiso e e le Akaretsang sa Thuto e Kgolo, mmogo le dikema tsa dikarologantsho mo dinageng tse dingwe.
Le fa go kwalwa ga Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e tsere mafapha a thulaganyo a le somepedi a Letlhomeso la taolo ya Borutegi la Bosetphaba jaaka ntlha ya yona ya tshimologo, go tshwanetse ga gatelelwa gore mafapha a, a thulaganyo a Letlhomeso la Borutegi la Bosetphaba ga se gore ke mafapha a go ithuta kgotsa mafapha a "kitso", mme fela a golagantswe le dikarologantsho tsa ditiro.
Bonetetshi jwa Tlhago, Dipalo, Khomputara, Bonetetshi jwa tsa Botshelo le Temothuo.
Serutwa ke eng?
Bogologolo serutwa se ne se tlhalosiwa e le karolo e e rileng ya 'kitso'ya botlhalefi. Kitso e ya serutwa e ne e gatelela go rutiwa ga kitso ya sengwe go na le thuto ka ga bokgoni, tshedisano le boitshwaro. Dirutwa di ne di lejwa ke bangwe jaaka dilo tse di sa fetogeng le go ema felo go le gongwe ka melelwane e e gagametseng. Go le gontsi, dirutwa di ne di gatelela bogolo kitso e e neng e abelwa ke ba mafatshe a Bophirima.
Mo kharikhulamong e e ikaegileng ka dipoelo jaaka Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso), melelwane ya dirutwa ga e bonale. Kitso e golaganya teori, bokgoni le boleng. Dirutwa di tsewa jaaka sengwe se se fetofetogang, le gore ka gale di tsibogela mefutafuta ya kitso, go akaretsa le kitso e bogologolo e neng e sa akaretswa mo kharikhulamong ya semmuso.
Serutwa mo kharikhulamong e e ikaegileng ka dipoelo, se tlhaloswa ka bophara ka Dipoelo tsa go Ithuta e seng fela ka diteng tsa sona. Mo a Aferika Borwa, Dipoelo tsa go Ithuta di tshwanetse, go ya ka popego ya tsone, go kgontsha katlego mo go fitlheleleng Dipoelotsenelelo le Dipoelotlhabololo. Dipoelo tsa go Ithuta di tlhalositswe ka botlalo e bile di ka diriswa ka mekgwa e e farologaneng, go neela tphono ya go akarediwa mo ditshwaelong tsa metlheng.
Poelo ya go Ithuta ke eng?
Poelo ya go Ithuta ke pegelo ya dipholo tse di ikaeletsweng tsa go ithuta le go ruta. E tlhalosa kitso, bokgoni le meetlo tse baithuti ba tshwanetseng go nna natso kwa bofelong jwa STKT.
Maemo a Tekanyetso ke eng?
Maemo a Tekanyetso ke ditlhokego tse mmogo di tlhalosang se moithuti a tshwanetseng go se itse le go kgona go se dira go supa phitlhelelo ya Dipoelo tsa go Ithuta mo kereiting e e rileng. Di tsentse kitso, bokgoni le meetlo e e tlhokegang go fitlhelela Dipoelo tsa go Ithuta. Maemo a Tekanyetso mo poelong nngwe le nngwe ya go Ithuta a supa tsotlhe, ka mo tsweletso ya go tlhaloganya e diragalang ka teng go tswa mo kereiting e e rileng go ya go e nngwe.
Pegelo ya Serutwa sengwe le sengwe mo Lekaleng la go Ithuta la Dipuo e na le dikgaolo di le nne le lenaanefoko la mareo.
Kgaolo 1, Kitsiso ya Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba: Kgaolo e, ya kakaretso e itsise Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso).
Kgaolo 2, Kitsiso ya Lekala la go Ithuta la Dipuo: Kgaolo e, e itsise diponagalo tsa botlhokwa tsa Lekala la go Ithuta la Dipuo. E na le tlhaloso ya serutwa, maitlhomo, boanamo, dikgolagano tsa thuto le ditiro le Dipoelo tsa go Ithuta tsa Dipuo.
Kgaolo 3, Dipoelo tsa go Ithuta, Maemo a Tekanyetso, Diteng le Bokao: Kgaolo e, e na le Dipoelo tsa go Ithuta le Maemo a Tekanyetso a a tsamaelanang le tsona mmogo le diteng le bokao go fitlhelela Maemo a Tekanyetso.
Kgaolo 4, Tekanyetso: Kgaolo e, e thadisa dintlha tsa motheo, tsa tekanyetso le go dira ditlhagiso ka go kwala le go bega ka tekanyetso. E rulagantse ditlhaloso tsa bokgoni tsa serutwa ka tatelano.
Lenaanefoko la mareo: Mo go leng maleba, go rulagantswe mareo a a tlhophilweng, a a akaretsang le a a leng maleba le dirutwa e bile a tlhalosiwa ka boripana mo kgaolong e.
Kaedi ya Lenaanethuto le tlhalosa ka botlalo boanamo jwa go ithuta le jwa tekanyetso mo dikereiting di le tharo tsa kgato ya Thuto le Katiso e e Tswelelang. Ke leano le le netefatsang gore baithuti ba atlega go fitlhelela Dipoelothuto jaaka di tlhaoletswe ke Maemo a Tekanyetso a kereiti e e rileng. Kaedi ya Lenaanethuto, le thusa barutabana le bakwadi ba bangwe ba manaane a go ithuta go aga le go tlhama thuto ya boleng jo bo kwa godimo jwa go ruta le go ithuta, gammogo le manaanetekanyetso.
Puo ke sediriswa sa kakanyo le tlhaeletsano. Ke ka puo go tlhagisiwang pharologano ya setso le kgolagano ya bomorafe le ka mo di tlhalosiwang le go tlhamiwa ka teng. Go ithuta go dirisa puo ka nonofo go kgontsha baithuti go nagana le go bona kitso, go itlhalosa, go tlhagisa maikutlo le dikakanyo, go dirisana mmogo le ba bangwe le go tlhaloganya tulo ya bona.
Ka ntlha ya pharologano ya puo le setso mo Aferika Borwa, baagi ba yona ba tshwanetse go tlhaeletsana go sena maparego mo puong , le go rotloetsa, go tlotla le go, tlhaloganya ditso le dipuo tse dingwe. Go farologana ga dipuo tse di buiwang mo nageng e go a tlotlwa e bile go newa boleng mo molaotheong ka go nna le dipuo tsa semmuso di le somenngwe le Pholisi ya Puo mo Thutong e e rotloetsang thuto ya dipuodintsi. Baithuti ba pateletsega go akaretsa bonnye, dipuo di le pedi tsa semmuso jaaka dirutwa tsa Konôkonô, dipuo tse dingwe di ka tsewa jaaka karolo ya Motheo le/kgotsa ya tse di ikgethelwang.
Mo sekgamung sa Thuto le Katiso e e Tswelelang kitso e e tseneletseng ya puo ya gae ya baithuti e a godisiwa mme e fa ka motheo wa go ithuta dipuo tsa tlaleletso. Ka nako ya fa baithuti ba fitlha mo Kereiting ya 10, ba tla bo ba itemogetse le go tlhotlhomisa dipuo tsa tlaleletso mme ba tla bo ba setse ba dirisitse dipuo tsa tlaleletso go ithuta. Mo sekgamung sa Thuto le Katiso e e Tswelelang kharikhulamo e naya baithuti ditphono tsa go matlafatsa le go godisa kgono ya bokgoni jwa dipuo tse dintsi. Mo tsamaong ya go ithuta, baithuti ba lebeletswe go dirisa puo ka thelelo, bokgoni le ka nepagalo mo maemong a mantsi a a farologaneng. Ba tsaya maikarabelo a magolo mo go ithuteng ga bona le go dirisa bokgoni jwa puo mo ditseleng tse di gwetlhang le tse di marara.
Mefuta e e tlhokegang ya dilitheresi tse di farologaneng, e e kgontshang go tsaya karolo ka nonofo mo setphabeng le mo mafelong o madirelo mo ekonoming ya lefatshe lotlhe ya ngwagakgolo wa some a mabedi le bongwe , e godile go gaisa go reetsa le go bua, puiso, go kwala ditlhangwa tsa segologolo go akaretsa, ditsela tse di farologaneng jaaka mefuta ya tlhaeletsano, kerafo, tshedimosetso, khomputara, setso le litheresi e e tseneletseng. Kharikhulamo ya Dipuo e baakanyetsa baithuti dikgwetlho tse ba tla rakanang le tsona jaaka baagi ba Aferika Borwa le maloko a baagi ba lefatshe ka kakaretso.
Atolosa le go totobatsa bokgoni jwa puo jo bo agilweng mo sekgamung sa Thuto le Katiso e e Akaretsang, go akaretsa bokgoni jwa puo ya kgopolo e e tlhokagalang mo thutong ya botlhalefi mo kharikhulamong yotlhe, le temogo ya bontle le go itumelela ditlhangwa gore ba tle ba kgone go reetsa, bua, buisa/lebelela le go kwala/tlhagisa ka go itshepa. Bokgoni jono le maikutlo a motho ka sengwe/mongwe di bopa motheo wa thuto ya leruri.
Dirisa puo ka tshwanelo mo maemong a gale a botshelo le go tsaya tsia bareetsi, maitlhomo le bokao.
Itlhalosa le go netefatsa dikakanyo tsa bona, ditebo le maikutlo ka go itshepa, go ikemela le go nna batho ba ba naganang ka tsenelelo.
Dirisa puo le boikakanyetsi jwa bona go emela le go tlhotlhomisa maitemogelo a botho. Ka go mekamekana le mefuta e mentsi e e farologaneng ya ditlhangwa, baithuti ba kgona go akanya ka botshelo le maitemogelo a bona le go nna le dikakanyo tse di farologaneng mo botshelong.
Dirisa puo go fitlhelela le go laola tshedimosetso e le go ithuta mo kharikhulamong yotlhe le mo bokaong jo bontsi jo bo farologaneng. Litheresi ya tshedimosetso ke bokgoni jo bo botlhokwa mo 'dingwageng tsa boamogelakitso' le go bopa motheo wa thuto ya leruri.
Dirisa puo jaaka sediriswa sa go akanya ka tsenelelo le ka boitlhamedi. Maitlhomo a, a lemoga gore kitso e bopiwa mo loagong ka botselaganyi gareng ga puo le boakanyi.
Tlhagisa dikakanyo tse di akantsweng sentle ka dintlha tsa dingwao le meetlo. Go aga meetlo ya bona, baithuti ba mekamekana le ditlhangwa tse di amang ditshwanelo tsa botho le maikarabelo jaaka ditshwanelo tsa bana, basadi, digole, batsofe le dintlha tse di amanang le bomorafe, setso, kakanyo e e rileng, maemo, ditumelo, bong, lebolelateng le mogare wa lebolelateng, kgololosego ya puo, tlhatlhobo ya ditlhangwa le tikologo.
Mekamekana ka tsenelelo le mefuta e mentsi e e farologaneng ya ditlhangwa. Baithuti ba tla lemoga le go gwetlha dikakanyo tsa batho ba bangwe, meetlo le tlhotlheletso ya maemo a motho tse di fitlhelwang mo ditlhangweng.
Lemoga go sa lekalekaneng ka maemo ga mefuta e e farologaneng ya dipuo le ditiriso tse di farologaneng tsa dipuo. Baithuti ba tla kgona go gwetlha tiriso ya puo e le nngwe e e rileng go gaisa tse dingwe le go dirisa ditshwanelo tsa bona tsa puo mo boaging jwa fa go buiwang dipuo di le dintsi.
Go ruta le go lekanyetsa dipuo go tshwanetse go neela tphono ya boakaretsi jwa baithuti botlhe, mme ditsela tsa go thusa baithuti botlhe di tshwanetse go bonwa di fitlhelela kgotsa di tlhagisa ditlhangwa tsa puo. Baithuti bangwe ba ba itemogelang dikgoreletsi ba ka se kgone go fitlhelela Maemo a Tekanyetso mangwe jaaka a neetswe mo Pegelong ya Kharikhulamo ya Bosetphaba.
Mareo, 'tlhalosa', 'anela', 'bua ka ga', boeletsa',' kwalolola ka mafoko a gago', 'bua', 'botsa' le 'tlotla' a tshwanetse go tlhaloganngwa jaaka a akaretsa mefuta ya tlhaeletsano ya molomo le eo e seng ya molomo, go akaretswa le tlhaeletsano ya matsogo le didiriswa tsa tlhaeletsano. Lefoko 'tlhaeletsano ya molomo' le akaretsa tlhaeletsano ya matsogo le didiriswa tsa tlhaeletsano. Fela jalo, lefoko 'puo ya molomo' le akaretsa tlhaeletsano ya matsogo le mefuta mengwe ya tlhaeletsano.
Mareo 'reetsa', 'leba', 'buisa'le go 'lebelela', a akaretsa mefuta ya tlhaeletsano e e jaaka go lebelela dipounama fa mongwe a bua le go lebelela ka tlhokomelo puo ya matsogo.
Baithuti ba ba nang le kgolofalo ya pono ba ka tlhoka didiriswa le dikwalo jaaka Boreili, digatisamantswe, mokwalo o mogolo, didiriswa tse di ka angwang, le ditshwantsho tse di takilweng. Lereo 'bona' le ka tlhaloswa ka go diragatswa. Fa go twe 'buisa' go akaretswa metswedi e e jaaka Boreili le dibuka tse di buang.
Dipegelo tsa Dirutwa tsa Puo ya Gae, Puotlaleletso ya Ntlha le Puotlaleletso ya Bobedi di ka fetolelwa mo dipuong tse di amogetsweng tsa seeng mme dipuo tse di ka rutwa mo dikarolong tsa Motheo kgotsa tse di ikgethelwang tsa Kharikhulamo.
Puo ya Gae: Puo ya gae ya moithuti e tshwanetse go matlafatswa le go godisiwa go mo naya motheo o o tiileng wa go ka ithuta dipuo tsa tlaleletso. Mo sekgamung sa Thuto le Katiso, e e Tswelelang dipuo tsotlhe tsa semmuso tsa Aferika Borwa di na le Dipoelo tsa go Ithuta tsa Puo ya Gae tsa boleng jo bo ka lekalekanngwang le jwa dithuto lefatsheng lotlhe. Seno se tsamaelana le ditlhokego tsa Molaotheo tsa go tsaya dipuo tsotlhe ka maemo a a lekanang. Kgato ya go tlhaloganya puo ya gae e tshwanetse go nna mo maemong a e leng gore e ka dirisiwa jaaka puo ya go ruta le go ithuta. Bokgoni ba go reetsa le go bua bo ka godisetswa pele le go tokafadiwa, fela kgatelelo mo legatong le, e tla nna mo go godiseng bokgoni jwa go buisa le go kwala.
Puotlaleletso ya Ntlha: Go ithuta Puotlaleletso ya Ntlha, go tla rotloetsa tiriso ya dipuodintsi le tlhaeletsano mo gareg ga ditso. Dipoelo tsa go Ithuta tsa Puotlaleletso ya Ntlha di na le dikgato tsa bokgeleke jwa go dirisa dipuo jo bo fitlhelelang dikgato tsotlhe tse di tlhokegang go ithuta ka tsenelelo mo kharikhulamong yotlhe bogolo jang ka baithuti ba ka ithuta ka yone ka go e dirisa mo nageng ya rona. Seno se akaretsa bokgoni jwa tlhaloganyo ya kgopolo le ya botlhalefi mo dipuong tse di tlhokagalang mo go akanyeng le go ithuteng. Seno se akaretsa dipuo tsotlhe tsa semmuso. Go tla gatelelwa ka tekano bokgoni jwa go reetsa, go bua, go buisa le go kwala.
Puotlaleletso ya Bobedi: Go ithuta Puotlaleletso ya Bobedi, go tsweletsa pele thotloetso ya tiriso ya dipuodintsi le tlhaeletsano ya mo ditsong tsotlhe ka go farologana. Le fa bokgoni ba go buisa le go kwala bo tla godisiwa, mo legatong le, kgatelelo e tla nna thata mo kgodisong ya bokgoni jwa go reetsa le go bua. Legato la Puotlaleletso ya Bobedi le tshwanetse go tota tokafatso ya tlhaeletsano magareng ga batho.
Mo karolong ya dirutwa tsa Konôkonô tsa sekgamu sa Thuto le Katiso e e Tswelelang, baithuti botlhe ba tshwanetse go ithuta dipuo di le pedi tsa semmuso, ya ntlha e nne mo legatong la Puo ya Gae, fa e nngwe e le mo legatong la Puotlaleletso ya Ntlha kgotsa Puo ya Gae. E nngwe ya dipuo tse, mo karolong ya dirutwa tsa Konôkonô, e nne Puo ya go ruta le go ithuta. Mo karolong ya dirutwa tsa Motheo le tse di ikgethelwang, dipuo tsa semmuso dipuo di ka ithutiwa jaaka Puo ya Gae, Puotlaleletso ya Ntlha le/kgotsa Puotlaleletso ya Bobedi mo baithuting ba ba nang le kgatlhego e e rileng mo dipuong go tsweletsa pele go ithuta dipuo dintsi.
bokgoni jwa puo jwa go reetsa, go bua, go buisa le go kwala ke motheo mo kgodisong ya Dipoelo tsa go Ithuta; le tiriso ya mefuta e mentsi e e farologaneng ya ditlhangwa e letla baithuti go tlhatlhoba dintlha tsa bona, tsa setphaba le tsa lefatshe lotlhe ka kakaretso le go aga kitso e e golang ya mo lefatsheng.
Go ithuta dipuo go ka lebisa kwa ditirong tse di ikaegileng ka puo jaaka bokwadi jwa dikgang, phetolelo, thutapuo, thekiso, bobapatsi, thuto ya bogolaganyi jwa tsa matlhale jj. Le fa go le jalo, go totobetse gore dipuo ke motheo wa go ithuta, e seng fela mo botshelong jwa ka metlha, le kwa madirelong. Go nna le kgolo mo kgwebong, go ikaegile ka bokgoni jo moithuti a nang le jona mo puong. Mo lefatsheng le le tletseng kgwetlho e e kwa godimo ya thekenoloji, gore moithuti a fitlhelele sengwe, go ikaegile ka bokgoni jwa gagwe jwa tlhaeletsano. Puo ke senotlele sa gotlhe. Fa puo e sa rutiwa sentle ditsela di le dintsi tsa moithuti di ka tswalega.
Bokgoni jwa go buisa go kwala le go tlhaeletsana ke motheo wa go kgontsha moithuti go feleletsa ditiro tsa ka metlha, le go nna le seabe mo dithutong tsa botshelo tse moithuti a di tlhokang go ka mekamekana le botshelo. Puo ke sediriswa se se ka thusang moithuti mo tsweletsong ya botsalano le batho ba ba leng mo tikologong e a leng mo go yona. Tshisimogo e puo e dirisiwang ka yone, e tlisa katlego kgotsa thetelelo ya go dira botsalano gantsi mo bathong.
Boanamo le maitlhomo tse di umakilweng fa godimo di kgobokantswe mo Dipoelong tsa go Ithuta di le nne. Le fa Dipoelo tseno tsa go Ithuta di kgaogantswe, nngwe le nngwe e ikemetse ka boyone di tshwanetse go rutwa le go lekanyetswa mmogo.
bokaong jo bo farologaneng.
Baithuti ba tlhaloganya gore go bua le go reetsa ke ditiro tse di tlwaelegileng mo botshelong jwa ka gale tse di diragalang mo maemong a a rileng le mo maitlhomong le mo baamogeding ba tshedimosetso ba ba farologaneng, le gore mefuta ya ditlhangwa tsa molomo le tirisopuo e e maleba di a farologana. Ba lemoga le go dirisa ditlhangwa tse di maleba tsa molomo le tirisopuo mo maemong a semmuso le a e seng a semmuso.
Go reetsa le go bua ke pinagare ya dirutwa tsotlhe. Ka ditsela tse di nonofileng tsa go reetsa le go bua, baithuti ba kgobokanya le go tlhotlha tshedimosetso mmogo, aga kitso, rarabolola mathata le go tlhagisa dikakanyo le dintlhakemo. Bokgoni jwa go reetsa ka tsenelelo go kgontsha baithuti go lemoga meetlo le maikutlo ka sengwe/mongwe tse di fitlhelwang mo ditlhangweng le go gwetlha go tsaya letlhakore le puo ya go tlhotlheletsa ka botlhale.
Moithuti o kgona go buisa le go lebelela, go tlhaloganya le go tlhatlhoba ka tsenelelo mme a tsibogela mefuta e mentsi e e farologaneng ya ditlhangwa.
Bokgoni jo bo agegileng sentle jwa go buisa le go lebelela ke pinagare mo tsweletsong ya go ithuta mo kharikhulamong ka bophara le go tsaya karolo ka botlalo mo botshelong jwa ka gale le kwa ditirong. Baithuti ba ikgodisa mo bokgoning jwa go buisa le go lebelela mefuta e mentsi e e farologaneng ya dintlhangwa , tse di kwa wang le tse di sa kwalweng go akaretswa tse di bonwang le tsa tshedimosetso. Baithuti ba lemoga ka mo dikwalo le mekgwa ya go dirisa puo di bontshang maitlhomo, baamogedi ba tshedimosetso le maemo a setlhangwa ka teng.
Baithuti ba dirisa mefuta e e farologaneng ya ditsela tsa go buisa le go lebelela go ikaegilwe ka maitlhomo a bona a go buisa le mofuta wa setlhangwa. Ba aga bokao go tswa mo ditlhangweng, lemoga meetlo le go itlhoma mme ba tsibogela ka tshwanelo. Ka go buisa le go lebelela baithuti ba batlisisa le go tsaya tshwetso ka botsalano jwa seemo sa bona le batho bangwe. Puiso ya ditlhangwa tse di kwadilweng e neela boithuti dikao tse ba ka di dirisang fa ba ikwalela.
Moithuti o kgona go kwala le go tlhagisa mo mefuteng e mentsi e e farologaneng ya maitlhomo le go baamogedi ba tshedimosetso a dirisa melawana le dipopego tse di maleba mo bokaong jo bo farologaneng.
Go kwala ke sediriswa se segolo sa go tlhaeletsana o o dumelelang mokwadi go bopa le go tlhaeletsa mogopolo le dikakanyo ka tomagano. Go kwala kgapetsakgapetsa mo maemong, ditiro le mafapha a dirutwa a a farologaneng go kgontsha baithuti go tlhaeletsana ka mokgwa wa tirisano le wa boitlhamedi. Maitlhomo ke go tlhagisa bakwadi ba ba nonofileng, le ba ba kgonang go fetoga bonolo, bao ba tla kgonang go dirisa bokgoni jwa bona go bopa ditlhangwa tse di maleba tse di kwadilweng, bonwang le tsa ditlhangwa tse di dirisang ditsela tsa tlhaeletsano tse di farologaneng mo maitlhomong a a farologaneng.
Moithuti o kgona go dirisa dipopi le melawana ya tiriso ya puo ka tsela e e maleba le ka nonofo.
Ka go dirisa ditlhangwa tse di farologaneng kitso ya baithuti ya tlotlontswe e a oketsega le go tlhaloganya popegopuo mme ba di dirise ka tshwanelo. Baithuti ba nna le maitemogelo a a tseneletseng a ka fao meetlo le tlhotlheletso ya maemo a motho di ageletsweng mo puong ka teng gammogo le gore puo e ka dirisiwa jang go susumetsa batho.
le mo bokaong jo bo farologaneng.
neela kgotsa tlhagisa puo e khutshwane e e ipaakanyeditsweng.
neela kgotsa tlhagisa puo e khutshwane e e ipaakanyetsweng.
Moithuti o kgona go reetsa le go bua ka maitlhomo dira dipatlisiso ka setlhogo se se a a farologaneng, go baamogedi ba tshedimosetso tlwaelegileng ka go lebelela mo metsweding le mo bokaong jo bo farologaneng.
akaretsa didiriswa tse di bonwang, utlwelelwang, le tsa ponokutlo jaaka ditphate, diphousetara, dinepe, diselaete, dikgopolo, mmino, medumo le tlhaeletsano tsa eleketeroniki.
lemoga le go tlhopha tlotlontswe, dikarolopuo, le dikagego tsa ditlhangwa tse di maleba.
akaretsa didiriswa tse di maleba, bonwang, utlwelelwang le tsa ponokutlo jaaka ditphate, diphousetara, dinepe, diselaete, dikgopolo, mmino, medumo le tlhaeletsano tsa eleketeroniki.
akaretsa didiriswa tse di maleba, bonwang, utlwelelwang, le tsa ponokutlo jaaka ditphate, diphousetara, dinepe, diselaete, dikgopolo, mmino, medumo, le tlhaeletsano tsa eleketeroniki.
bontsha bokgoni jwa go reetsa le go neela ditlhagiso tsa molomo ka: Moithuti o kgona go reetsa le go bua ka maitlhomo dirisa didiriswa tsa puo e e tlhotlheletsang a a farologaneng, go baamogedi ba tshedimosetso tse di tlwaelegileng jaaka dipotso tse di sa le mo bokaong jo bo farologaneng.
reetsa le go araba dipotso tse di bonolo go tlhaloganya.
reetsa ka tsenelelo le go araba dipotso tse di tlwaelegileng go tlhaloganya.
reetsa ka tsenelelo le go fetola dipotso tse di tlhamaletseng tse di farologaneng go tlhaloganya.
bontsha temogo e e tseneletseng ya tiriso ya puo mo mabakeng a ditlhagiso tsa molomo: Moithuti o kgona go reetsa le go bua ka maitlhomo dirisa setaele le mekgwa e e maleba ya go a a farologaneng, go baamogedi ba tshedimosetso dirisa puo go ya ka maitlhomo, baamogedi le le mo bokaong jo bo farologaneng.
lemoga le go gwetlha puo e e bontshang e tlhotlheletsa jaaka puo e e dirisiwang mo dipapatsong.
lemoga le go gwetlha puo e e bonalang e tlhotlheletsa jaaka ya kgasakgaso le papatso.
lemoga le go gwetlha puo e e bontshang e tlhotlheletsa jaaka ya kgasakgaso le papatso.
Moithuti o kgona go buisa le go lebelela, go le go lebelela gore a kgone go tlhaloganya le go tlhaloganya le go tlhatlhoba ka tsenelelo mme a bontsha kgatlhego: tsibogela mefuta e mentsi e e farologaneng ya botsa dipotso tse di bonolo go dira ditlhangwa.
buisa gape, lebelela gape, boeletsa go tlhotlheletsa go tlhaloganya.
buisa gape, lebelela gape, boeletsa go tlhotlheletsa go tlhaloganya.
buisa gape, lebelela gape, boeletsa go tlhotlheletsa go tlhaloganya.
simolola go fa karabo ya gagwe mo ditlhangweng tse di tlwaelegileng.
neela tsibogo ya gagwe mo ditlhangweng.
neela le go tshegetsa tsibogo ya gagwe mo ditlhangweng.
tlhaloganya le go tlhatlhoba ka tsenelelo mme a lemoga gore ditlhangwa di na le diteng tsa tsibogela mefuta e mentsi e e farologaneng ya setso le loago, kgotsa meetlo ya sepolotiki, ditlhangwa.
lemoga dikakanyo le dithitokgang mo ditlhangweng tse di tlwaelegileng.
lemoga ditlhangwa tse di tlwaelegileng tse di bontshang meetlo ya setso/sepolotiki, maikutlo le ditumelo jaaka maikutlo ka bong, tlhotlheletso ya maemo a motho, ditshwanelo tsa botho le dintlha tsa tikologo.
tlhalosa dikakanyo le dithitokgang mo ditlhangweng.
tlhalosa dikakanyo le dithitokgang mo ditlhangweng.
tlhotlhomisa diponagalothôothôo tsa ditlhangwa le go tlhalosa ka mo di nang le seabe mo Moithuti o kgona go buisa le go lebelela, go bokaong ka teng (diponagalo tse, ga di a tlhaloganya le go tlhatlhoba ka tsenelelo mme a tshwanelwa go sekasekwa di ikemetse ka tsibogela mefuta e mentsi e e farologaneng ya bojosi): ditlhangwa.
lemoga tiriso ya puisano le tiragatso.
tlhalosa tiriso ya puisano le tiragatso.
tlhalosa tiriso ya puisano le tiragatso.
Moithuti o kgona go buisa le go lebelela, go tlhaloganya le go tlhatlhoba ka tsenelelo mme a tsibogela mefuta e mentsi e e farologaneng ya ditlhangwa.
tlhotlhomisa ditsela tsa motheo tse di bonwang, utlwelelwang le tsa ponokutlo jaaka tiriso ya mmala, ditlhogwana mmino, modumo, dipone le, ditsela tsa go tsaya ditshwantsho.
tlhalosa ditsela tse di bonwang, utlwelelwang le tsa ponokutlo tsa motheo jaaka tiriso ya mmala, ditlhogwana, mmino, modumo, dipone le ditsela tsa go tsaya ditshwantsho.
tlhalosa ditsela tse di bonwang, utlwelelwang le tsa ponokutlo tsa motheo jaaka tiriso ya mmala, ditlhogwana, mmino, modumo, dipone le ditsela tsa go tsaya ditshwantsho.
dirisa didiriswa tse di rileng tsa pono tse di itlhametsweng ka tshwanelo.
dirisa didiriswa tse di rileng tsa pono le tse di itlhametsweng ka tshwanelo.
dirisa mefuta e e farologaneng ya didiriswa tse di rileng tsa pono le tse di itlhametsweng ka tshwanelo.
tlhagisa setlhangwa sa bofelo a ntse a tlhokometse setaele se se maleba sa tlhagiso jaaka setlhangwa se se tlhagisitsweng ka bophepa kgotsa phousetara e ntle e e ngokang.
tlhagisa setlhangwa sa bofelo ntse a tlhokometse setaele se se maleba sa tlhagiso jaaka setlhangwa se se tlhagisitsweng ka bophepa kgotsa phousetara e ntle e e ngokang.
tlhagisa setlhangwa sa bofelo a ntse a tlhokometse setaele se se maleba sa tlhagiso jaaka setlhangwa se se tlhagisitsweng ka bophepa kgotsa phousetara e ntle e e ngokang.
dirisa mafoko a a marara (modi le tlhogo le/kgotsa mogatlana) le maina a a bopiwang ka go kopanya mafoko a mabedi ka nepagalo.
dirisa mafoko a a bokaobontsi, makwalwatshwana, makaelagongwe, malatodi, le lefoko le le lengwe boemong jwa polelo/polelwana.
dirisa mafoko a a marara (modi le tlhogo le/kgotsa mogatlana) le maina a a bopiwang ka go kopanya mafoko a mabedi ka nepagalo e e oketsegang.
dirisa mafoko a a marara (modi le tlhogo le/kgotsa mogatlana) le maina a a bopiwang ka go kopanya mafoko a mabedi ka nepagalo.
dirisa ka maitemogelo mafoko a a bokaobontsi, makwalwatshwana, makaelagongwe, malatodi, le lefoko le le lengwe boemong jwa polelwana.
melawana ya tiriso ya puo ka tsela e e maleba le ka dirisa dipopego tsa madiri le madirimathusi nonofo.
Moithuti o kgona go dirisa dipopi tsa puo le melawana ya tiriso ya puo ka tsela e e maleba le ka nonofo.
fetolela dipolelo tse dikhutshwane go tswa mo puong e e lebeletsweng go ya kwa puong e e tshwanetseng go ranolwa.
fetolela dipolelo go tswa mo puong e e lebeletsweng go ya kwa puong e e tshwanetseng go ranolwa.
fetolela ditemana tse di khutshwane go tswa mo puong e e lebeletsweng go ya kwa puong e e tshwanetseng go ranolwa.
tlhotlhomisa le go dirisa mafoko a a nang le Moithuti o kgona go dirisa dipopi tsa puo le bokao jo bo farologaneng; melawana ya tiriso ya puo ka tsela e e maleba le ka nonofo.
tlhotlhomisa tiriso ya puo ya maikutlo, le puo e e tlhotlheletsang ka botlhale e sena bonnete mme e gwetlha, le puo e e senang tshisimogo.
lemoga le go gwetlha tiriso ya puo ya maikutlo, tlhotlheletso, le puo e e tlhotlheletsang ka botlhale e sena tshisimogo.
lemoga le go emelelana le kgobelelo go tsaya letlhakore le go naganela ntlheng e le nngwe, kokomogo ya maikutlo, le puo e e tlhotlheletsang ka botlhale e sena tshisimogo.
Mo karolong e, diteng le bokao di neetswe go tshegetsa phitlhelelo ya Maemo a Tekanyetso. Diteng tse di supilweng di tlhoka gore di dirwe ka mokgwa o di ka thusang baithuti go tswelela go ya kwa phitlhelelong ya Poelo ya go Ithuta. Diteng di tshwanetse go thusa Dipoelo tsa go Ithuta mme ga di a tshwanela go iphetsa di le tsosi. Bokao jo bo tlhagisitsweng bo ka thusa gore diteng di amane le maemo a a tlisang go tlhaloganya go go feleletseng mo baithuting e bile di thusa mo go ruteng le go ithuta. Morutabana o tshwanetse go tlhokomela tiriso ya maemo a selegae, e seng fela a a supiwang fa, a a ka nnang maleba thata mo maitemogelong a moithuti. Fa diteng le bokao di golagantswe le phitlhelelo ya Maemo a Tekanyetso di ka neela ka letlhomeso la go tlhabolola Manaane a go Ithuta. Dikaedi tsa Manaanethuto di tlhalosa ka botlalo tshedimosetso e ntsi mo lebakeng le.
Tiriso ya lefoko "setlhangwa" mo Dipegelong tsa Dirutwa tsa Dipuo, e na le kgonego ya bokao jo bo anameng, go akaretsa tiro ya molomo, go kwala, go bona, go utlwelela, kutlopono le mefuta ya ditlhangwa tse di dirisang mekgwa e e farologaneng ya tlhaeletsano. Gotlhe mo go ruteng puo, ditlhangwa di ka dirisiwa jaaka tshimologo le mefuta mengwe ya ditlhangwa tse di ka tlhagisiwang jaaka setlhangwa se se feletseng, se thaegile go tswa mo ditseleng tse dintsi tsa go se kwala. Maemo a Tekanyetso a bontsha tsweletso e e maleba ka diteng tse di bonolo go tlhaloganyega go ya go tse di thatanyana go simolola ka kereiti ya 10 go fitlha go ya 12. Ditlhangwa tse di bonolo le tse di marara ke motheo wa go netefatsa tsweletso mo dipuong tsotlhe.
Ditlhangwa ke metswedi e megolo ya "diteng le bokao" mo go ithuteng le mo go ruteng puo ka tsela e ya tlhaeletsano le ya tsenyeletso.
ditaele ka mefutafuta le didiriswa tsa setaele jaaka mefuta e mentsi e e farologaneng ya puo ya botshwantshi le ya boitlhamedi.
Tsela ya go ruta e e ikaegileng ka ditlhangwa le ya go ruta ka tsela ya tlhaeletsano, mmogo, di ikaegile mo tirisong e e tswelelang le tlhagiso ya ditlhangwa.
Tsela ya go ruta e e ikaegileng ka ditlhangwa e tlhotlhomisa ka mo ditlhangwa di dirang ka teng. Maitlhomo a tsela e e ikaegileng ka ditlhangwa ke go kgontsha baithuti go nna le bokgoni, go itshepa le go nna babuisi ba ba buisang ka tsenelelo, bakwadi, babogedi, le batlhami. E akaretsa go reetsa, fa go buisiwa, fa go lebelelwa le fa go sekasekwa ditlhangwa go tlhaloganya gore di tlhagisitswe jang, le gore di tlhotlhehetsa jang. Ka mekamekano e e tseneletseng e, baithuti ba nna le bokgoni ba go tlhatlhoba ditlhangwa ka tsenelelo. Tsela e e ikaegileng ka ditlhangwa e akaretsa tlhagiso ya mefuta e e farologaneng ya ditlhangwa mo mabakeng a a rileng le baamogedi ba ba rileng ba tshedimosetso. Tsela e, e tlisiwa ke go tlhaloganya ka mo ditlhangwa di tlhamiwang ka teng.
Tsela ya go ruta ka tsela ya tlhaeletsano e kaya gore mo go ithuteng puo, moithuti o tshwanetse go dirisa puo go le gontsi le go newa ditphono di le dintsi tsa go ikatisa le go tlhagisa puo ka go tlhaeletsana mo botshelong kgotsa mo tirisong ya ka gale ya puo. Go ithuta puo go tshwanetse go itlela fela mme go fetisetswa mo teng ga phaposiborutelo mo bokgoni jwa go buisa/lebelela le go kwala/tlhagisa di ithutiwang ka tokologo - baithuti ba ithuta go buisa ka go buisa go le gontsi le go ithuta go kwala ka go kwala go le gontsi.
Ditlhangwa di tlhagisiwa mo bokaong jo bo rileng ka maitlhomo a a rileng, e bile go akanngwa ka baamogedi ba tshedimosetso. Mefuta tsa ditlhangwa e na le ditiro tse di farologaneng mme di latela melawana e e rileng ya tlwaelo mabapi le popego, setaele, thutapuo, tlotlontswe le diteng. Dilo tsotlhe tse ke mefuta ya ditlhangwa. Baithuti ba tshwanetse go tlhaloganya le go tlhagisa mefuta e e farologaneng ya ditlhangwa.
Ditlhangwa di tlhagisa maemo a setso le a sepolotiki a di tlhamilweng mo go one. Puo e e dirisiwang mo ditlhangweng e na le melaetsa e e mabapi le meetlo le dintlhakemo tsa sepolotiki tsa bakwadi le batlhami; Ka jalo ditlhangwa di tsaya letlhakore la bakwadi le batlhami. Baithuti ba tshwanetse go kgona go ranola le go tsibogela meetlo le maikutlo tse di tlhagelelang mo ditlhangweng.
Ke sone seo, mo tseleng e e ikaegileng ka ditlhangwa, puo ka gale e tlhotlhomisiwa mo ditlhangweng, le gore ditlhangwa di tlhotlhomisiwa go ya ka botsalano ba tsona le bokao. Tsela e, e lebelela tsibogelo ya mekgwa e e lolameng ya dikarolo tsa puo (thutapuo le tlotlontswe) go lebeletswe gore di dirisitswe jang mo ditlhangweng. Gore baithuti ba kgone go bua ka ditlhangwa, ba tshwanetse gonna le kitso ya medumo "puo e e dirisiwang go bua ka puo "- ba tlhoka mafoko a a tlhalosang diponagalo tse di farologaneng tsa thutapuo, tlotlontswe le setaele le go bua ka mefuta e e farologaneng ya ditlhangwa.
Ditlhangwa di ka arogangwa go ya ka ditlhangwa tse di dirisiwang le ditlhangwa tse di tlhagisiwang. Mefuta eno ya ditlhangwa e tlhagisitswe ka botlalo mo lenaneong le le latelang. Mananeo a, ga a akaretse mefuta yotlhe e e leng gone ya ditlhangwa - morutabana o letlelelwa go ka tlaleletsa ka ditlhangwa tse di ka dirisiwang mo go ruteng e e akaretsang dintlha tsotlhe tsa go ruta puo. Maitlhomo a mananeo ke go fa morutabana tlhopho e e anameng ya ditlhangwa tse di ka kgonang go dirisiwa le go tlhagisiwa. Dintlha ka tse di tlhokagalang mabapi le ditlhangwa tse di thata go tlhalogangwa gammogo le tirisopuo e e maleba di kwadilwe mo Dikaeding tsa Manaanethuto.
Mefuta e mengwe ya dikwalo e e ka akarediwang mo Dikereiting tsa 10 go fitlha go 12: ditlhangwa tsa dikwalo tsa tirisano, tsa tshupiso / le tshedimosetso, boitlhamedi le tsa kutlo, tsa pono le ditlhangwa tse di dirisang mekgwa e e farologaneng ya tlhaeletsano.
Ditlhangwa tse e seng tsa pateletso tsa go oketsa kitso: bodiragatsi, kanelo ya kgang, dikgang tsa seyalemowa/thelebipene, diterama tsa diyalemoa/dithelebipene, dipuisano mo ditlhopheng tsa batho, dikhutshwe tsa mafoko/metshameko, difilimi tsa metlae tse di tshwantshitsweng (dikhatunu), ditshwantsho tsa metlae, matshwao, jj.
Tekanyetso ke karolo ya botlhokwa ya Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso). Ke tsela ya go kokoanya le go tlhalosa bosupi le go tlhomamisa bokgoni jwa moithuti. Bosupi bo ka kokoanngwa ma tsamaong ya nako le mo mafelong a a farologaneng, le ka go dirisa ditsela, didiriswa, mekgwa le mefuta ya tlhaeletsano tse di farologaneng.
Go netefatsa gore dipholo tsa tekanyetso di ka fitlhelelwa le go dirisiwa mo maitlhomong a a fapaaneng mo isagong, dipholo di tshwanetse go kwalwa. Go na le mekgwa e e farologaneng ya go kwala bokgoni jwa moithuti. E mengwe ya yona e tla tlhomamisiwa mo kgaolong e. E mengwe e tla tlotlomadiwa mo Kaeding ya Lenaanethuto.
Go na le batsayakarolo ba bantsi ba ba nang le kgatlhego ka mo baithuti ba dirang ka teng mo Dikereiting tsa 10 - 12. Batsayakarolo ba ba akaretsa baithuti ka bobona, batsadi, batlamedi, baabi, mafapha a porofense a thuto, Lefapha la Thuto (Bosetphaba), Bookamedi jwa Thuto, bathapi, ditheo tsa thuto le katiso e e kwa godimo. Gore go kgonagale go fitlhelela bokgoni jotlhe jwa moithuti le go akanyetsa bokgoni jwa moithuti, dipholo tsa tekanyetso di tshwanetse go begwa. Go na le ditsela tse dintsi tsa go bega. Kaedi ya Lenaanethuto le Lenaane la Tekanyetso di tlhalosa tsela ya go kwala le go bega mo tekanyetsong ya mo sekolong gammogo le tekanyetso go tswa kwa ntle le go neela kgakololo mo dintlheng tsa tekanyetso tsa dithuto tse di rileng.
Pele ga morutabana a lekanyetsa baithuti, go botlhokwa gore maitlhomo a tekanyetso a tlhamalale, a se nne bokaobontsi. Go tlhaloganya maitlhomo a tekanyetso, go netefatsa gore go nne le tsamaelano gareng ga maitlhomo le mekgwa ya tekanyetso. Seno, se tla thusa go netefatsa gore dikakanyo, ditshwetso malebana le tekanyetso di se gobelele, di nne maleba le maitlhomo.
Go na le mabaka a le mantsi a a dirang gore bokgoni jwa baithuti bo lekanyediwe. Mabaka ano a akaretsa tekanyetso ya go lebelela tsweletso le ya go bega diphitlhelelo, go sekaseka le go baakanya mathata mo go ithuteng, tlhopho, kaelo, tshegetso ya go ithuta, go fa setefikeiti jaaka bosupi jwa go tswelela mo kereiting e e latelang.
Mo kharikhulamong e, go ithuta le go lekanyetsa go golagane thata. Tekanyetso e thusa baithuti go lekanyetsa gore boleng jwa go ithuta ga bona bo ntse jang. E naya tshedimosetso ka tswelelo ya bona le go ba kgontsha le go tsaya ditshwetso ka ga thuto ya bone. Ka moono o, tekanyetso e naya tshedimosetso ya gore a go ruta le go ithuta go a atlega mo go nneng gaufi le dipoelo tsa go Ithuta tse di beetsweng pele. Fa tekanyetso e bontsha go tlhoka tswelelo, maano a go ruta le go ithuta a tshwanetse go fetolwa ka tsela e e maleba.
tekanyetso ya go aga; le tekanyetso ya kwa bofelong.
Tekanyetso ya motheo (tshimologo) e botlhokwa mo tshimologong ya kereiti, fela e ka dirisiwa mo tshimologong ya nako/paka nngwe le nngwe ya go ithuta. E dirisiwa go tlhomamisa se baithuti ba se itseng le go kgona go se dira. E thusa mo paakanyong ya ditiro le mo tlhabololong ya Kaedi ya Lenaanethuto. Go kwalwa ga tekanyetso ya motheo, ke go go repileng.
Tekanyetso nngwe le nngwe e ka dirisiwa ka maitlhomo a go leka go bontsha lebaka/mabaka a a kgoreletsang moithuti go ithuta. Tekanyetso ya go batla makoa le go leka go a baakanya e thusa ka ditsela tse di farologaneng tsa tshegetso kgotsa go lemoga tlhokego ya thuso e e kgethegileng kgotsa ya ketleetso. E dira jaaka lebaka la go tlhotlhomisa gore o kgone go thusa le go baakanya maikaelelo a Kaedi ya Lenaanethuto gape, kgotsa go lemoga gore ke eng se se sa ithutiwang gore go tle go nne le ditsela tsa go tsereganya tse di ka dirisiwang.
Mofuta mongwe le mongwe wa tekanyetso o o dirisiwang go naya baithuti tshedimosetso morago ga thuto o araba maitlhomo a tekanyetso ya go aga. Tekanyetso ya go aga ke karolo e e botlhokwa ya go ruta le go ithuta. E lebelela le go tshegetsa tsamao ya go ithuta. Batsayakarolo botlhe ba dirisa mokgwa o wa go lekanyetsa go bona tshedimosetso ka tswelelo ya baithuti. Pegelo e e agang ka tiro e e dirilweng ke karolo ya botlhokwa ya tekanyetso mo maitlhomong a go aga.
Fa tekanyetso e dirisiwa go kwala katlholo ya bokgoni kgotsa tiro ya moithuti, maitlhomo ke go naya tekanyetso ya bofelo. Tekanyetso ya bofelo e naya setshwantsho sa bogotlhe sa bokgoni kgotsa tswelelo ya moithuti mo nakong nngwe le nngwe e e rileng.
Dipuo - Setswana Puotlaleletso ya Bobedi saekele, kgwedithataro kgotsa ngwaga wa go ithuta. Tekanyetso ya bofelo e tshwanetse go baakanyetswa mme ditsela tse di farologaneng tsa tekanyetso di tshwanetse go dirisiwa go kgontsha baithuti go bontsha bokgoni.
Tekanyetso ya baithuti ka barutabana e tshwanetse go nna le boikanyego jo bogolo. Se se raya gore katlholo ya barutabana ka bokgoni jwa baithuti e tshwanetse go akaretsega go ya ka dinako tse di farologaneng, dintlha tsa tekanyetso, le batshwai. Dikatlholo tse di dirwang ka tsela ya tekanyatso di tshwanetse go bontsha go amogelesega go go golo; ke gore, dikatlholo di tshwanetse go dirwa mo dintlheng tsa go ithuta tse di neng di lekanyetswa.
Tekanyetso nngwe le nngwe e ka se ikanyege kgotsa go amogelega gotlhelele ka boyona ka jalo, re tshwanetse go dira ditshwetso ka tswelelo ya baithuti tse di ikaegileng ka ditekanyetso tse di fetang nngwe. Seno ke motheo wa Tlhatlhobotsweledi. Tlhatlhobotsweledi ke tsela ya tekanyetso e ditshwetso di ikaegileng ka go ithuta mo mefuteng e e farologaneng ya ditiro le ditiragalo tse di diragalang ka dinako tse di farologaneng ka nako ya go ithuta. Tlhatlhobotsweledi e akaretsa ditekanyetso tse di dirwang ngwaga otlhe, go dirisiwa mefuta le mekgwa e e farologaneng ya didiriswa tsa tekanyetso jaaka, diteko, ditlhatlhobo, diporojeke le diasaenemente. Tekanyetso ya molomo, go kwala le ya tiragalo di a akarediwa. Dikarolwana tsa tiro e baithuti ba e dirileng di dirisiwa jaaka bosupi jwa Tlhatlhobotsweledi di kokoanngwa potefoliong. Dirutwa tse di farologaneng di na le ditlhokego tse di farologaneng tsa se se tshwanetseng go kokoanngwa mo potefoliong. Ditlhokego tseno di umakiwa mo Kaeding ya Lenaanethuto.
Tlhatlhobotsweledi e dirwa mo phaposiborutelong le mo sekolong, mme e tsepame mo mokgweng o o tsweletseng o tekanyetso e tswakanngwang mo tswelelong ya go ruta le go ithuta. Barutabana ba kgona go itse baithuti ba bona ka go ba ruta letsatsi lengwe le lengwe, ka go ba botsa dipotso, go lemoga le go dirisana le bona, le go ba lebelela ka mo ba dirisanang ka teng le ba bangwe.
Tlhatlhobotsweledi e ka dirisiwa mo dikarolong tse pedi tsa Kharikhulamo tse di ka lekanyetswang ka go kwala diteko le diasaenemente le tse di ka lekanyetswang ka mekgwa e mengwe, jaaka tiragatso, go dirisa bosupi jwa go dira ka diatla kgotsa jwa go bua.
Dipoelo tsotlhe tsa go Ithuta le Maemo a Tekanyetso di kgona go fitlhelelwa ke mongwe le mongwe. Baithuti ba itse se se lebeletsweng mo go bona. Baithuti ba ka nna ba tsaya karolo e e botlhokwa ka tekanyetso ka bobona, ka "tekanyetso - pele", ya tiro, pele morutabana a dira tekanyetso ya bofelo. Kakanyo ya mong ya go ithuta, ke karolo e e botlhokwa ya go ithuta.
Mo tekanyetsong ka balekane, go dirisiwa manaanenetefatso kgotsa ruburiki, e e thusang baithuti botlhe ka tiro ya go lekanyetsa le ya ba ba lekanyetsang. Go bua ka maemo kgotsa tsela e e beilweng e tiro ya bona e tla lekanyetswang ka teng, go godisa baithuti go sekaseka tiro ya bona le ya ba bangwe.
Bokgoni jwa go dira ka nonofo mo ditlhopheng, ke e nngwe ya Dipoelotsenelelo. Go lekanyetsa tiro ya setlhopha go akaretsa go batla bosupi jwa gore a setlhopha sa baithuti se a dirisana, thusana, arogana tiro, le go kopanya ditshwaelo tsa ba bangwe go bopa tiro e le nngwe e e kopanetsweng sentle mme e ka kgona go lekanyetswa. Tekanyetso ya setlhopha e lebelela dikgato tsa go dira tiro gamogo le tiro e e feditsweng. E akaretsa go lekanyetsa bokgoni jwa tshedisano, go laola nako, bolaodi jwa metswedi le dipharologanyo mo setlhopheng, gammogo le dintshetsontle tsa ditlhopha.
Go na le ditsela tse di farologaneng tsa go kokoanya bosupi jwa tekanyetso. Tse dingwe tsa tsona di tlhalosiwa fa tlase.
Ditsela tsa tekanyetso ka go lebelela ke tse di sa rulaganngwang ka botlalo le go re letlelela go kwala mefuta e e farologaneng ya bosupi ka baithuti ba ba farologaneng le ka dinako tse di farologaneng. Mofuta o wa tekanyetso ka gale o ikaegile ka ditiro tse di batlang gore baithuti ba dirisane mo kgwetlhong ya go batla tharabololo kgotsa go tlhagisa tiro e e tshwanang. Tekanyetso e e ikaegileng ka temogo e tshwanetse go nna e e ikaeletsweng le go tsamaisiwa ka thuso ya didiriswa tse di maleba tsa temogo.
Tekanyetso ka teko ke e e rulagantsweng sentle, go kgontsha barutabana go kokoanya bosupi jwa baithuti botlhe ka tsela le ka nako e e tshwanang. Mofuta ono wa tekanyetso o lebelela bosupi jwa go ithuta jo bo netefatswang ke maduo a a rileng. Fa diteko le ditlhatlhobo di dirisiwa ka tshwanelo, di dira karolo ya botlhokwa ya kharikhulamo ka gonne di neela bosupi jo bo siameng jwa se se ithutilweng.
Ditsela tsa tekanyetso ka tiro di ikaelela go bontsha gore a moithuti o na le bokgoni jwa go dirisa se ba se ithutileng mo maemong a a sa tlwalegang kgotsa mo maemong a a kwa ntle ga phaposiborutelo. Tekanyetso ya tiragatso e akaretsa karolo ya go dira ka diatla ya dithuto e le go sekaseka ka mo baithuti ba kgonang go dirisa teori e ba e ithutileng. Tsela, maemo a a amogelegang kgotsa melao e tiragatso e tla lekanyetswang ka yona e tlhalosiwa mo diruburiking kgotsa mo manaanenetefatsong a ditiro, le go thusa morutabana go dira katlholo ya borutego go lekanyetsa tiragatso ya moithuti mongwe le mongwe.
Go kwala maduo le go bega go akaretsa mokgwa o re kwalang maduo a re a kokoantseng ka nako ya tekanyetso ka ona gore a tle a sekasekiwe sentle mme a phasaladiwe ka tsela e e nepagetseng le e e tlhaloganyegang.
Go na le mekgwa e e farologaneng ya go kwala maduo. Go le gantsi go thata go kgaoganya mekgwa ya go kwala maduo le mekgwa ya go tlhatlhoba tiro ya baithuti.
Nngwe le nngwe e tlhalosiwa fa tlase.
Sekale se se lekanyetsang ke thulaganyo nngwe le nngwe ya go tshwaya, mo letshwao (sekai jaaka A kgotsa B) kgotsa maduo (jaaka 5/10 kgotsa 50%) le ranolwang ka botlalo go golaganya tlhaloso ya maduo a a filweng khoutu e e rileng le bokgoni jo bo tlhokagalang go fitlhelela maduo ao. Thanolo e e botlalo e, e botlhokwa go feta maduo a go dumelelanweng ka ona mo tsamaong ya go ruta le go ithuta, ka e naya baithuti kakanyo e e tlhaloganyegang ya se se fitlheletsweng le gore ke ka ntlha ya eng go ithuta go sa atlega ka botlalo. Mokgwa wa bogologolo wa go tshwaya o ne o dirisa sekale se se lekanyetsang ntle le tlhaloso e e feletseng. O ne o dira gore go nne thata go tlhaloganya bokgoni le makoa a baithuti go ya ka dipoelo tse di ikaeletsweng. Sekale sa dintlha di le (thataro) 6 tsa bokgoni se dirisiwa mo Pegelong ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ka Kakaretso).
Mananeo a tiro kgotsa manaanenetefatso di na le dipegelo tse di itlhaotseng tse di tlhalosang tiragatso e e lebeletsweng mo tirong e e rileng. Fa pegelo e e rileng mo manaane netefatsong e ka lemogwa jaaka e moithuti a e dirileng ka nako ya tiragatso, pegelo e tla tshwaiwa. Dipolelo tsotlhe tse di tshwailweng go tswa mo manaanenetefatso (jaaka maemo a a beilweng go ka fitlhelelwa) di tlhalosa phitlhelelo ya tiro ya moithuti. Manaanenetefatso a botlhokwa thata mo go lekanyetseng ditiro tsa moithuti ka esi kgotsa ka ditlhopha.
Diruburiki ke kopanyo ya dikhoutu tse di lekanyetsang le ditlhaloso tsa maemo a a amogelegang. Di na le tatelano ya maemo, ka maduo a a tlhalosang kgato ya bonnye kgotsa boemo jwa tiro jo bo amogelegang mo kgatong ya khoutu nngwe le nngwe. Diruburiki di batla barutabana ba itse seo tota se tlhokwang ke dipoelo. Ruburiki e ka nna ya kakaretso, e le e e nayang setshwantshotshupo sa bogotlhe sa maemo a a amogelegang a a lebeletsweng, kgotsa ya go sekaseka, go naya setshwantsho se se tlhamaletseng sa diponagalo tsa bosekaseki tse di bopang ditlhokego, kgotsa e ka di kopanya ka bobedi. Lenaane kaedi la go Ithuta le naya dikai tsa diruburiki tsa serutwa se se rileng.
Ke dipoelo dife tse di lebeletsweng?
Ke Maemo a Tekanyetso afe a a tshwanetsweng go fitlhelelwa ke tiro?
Ke bosupi bofe jo bo tshwanetseng go kokoanngwa?
Ke dikarolo dife tse di farologaneng tsa tiro tse di tla lekanyetswang?
Ke didiriswa dife tse di farologaneng tsa tekanyetso tse di siametseng karolo nngwe le nngwe ya tiro (jaaka dikgato tsa go dira tiro le tiro e e feditsweng)?
Ke kitso efe e e tshwanetseng go nna bosupi?
Ke bokgoni bofe jo bo tshwanetseng go dirisiwa kgotsa tiragatso e e tshwanetseng go tsewa?
Dipuo - Setswana Puotlaleletso ya Bobedi tlhagelelang mo tirong le gore ke dife tsa tse, tse di tshwanetseng go lekanyetswa le gore di tla lekanyediwa jang?
A ruburiki e le nngwe e lebane le Dipoelo tsa go Ithuta tsotlhe le Maemo a Tekanyetso otlhe a tiro, kgotsa, a tiro e batla diruburiki tse di mmalwa?
Tota, ke diruburiki di le kae tse di tlhokagalang mo tirong?
Go botlhokwa gore morutabana a abelane ruburiki kgotsa diruburiki le baithuti pele ga ba dira tiro e e batlegang. Ruburiki e sedimosa go ithuta le ditiragatso tse e tshwanetseng go di lebelela. E nna sediriswa se se botlhokwa sa tekanyetso ya moithuti ka esi.
Go bega tiragatso le phitlhelelo go naya botlhe ba ba nang le seabe kgotsa ba ba nang le kgatlhego gore moithuti o tswelelapele jang. Fa bosupi bo sena go kokoanngwa le go ranolwa, barutabana ba tshwanetse go kwala diphitlhelelo tsa baithuti. Go tlhokega gore ditekanyetso tsa bofelo tse di lekaneng di dirwe nako le nako gore pegelo e fe dintlha tse di tletseng tsa maemo a a fitlheletsweng ke moithuti.
Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 e amogela sekale sa dintlha di le thataro tsa go bontsha bokgoni. Sekale se supiwa ka Sethalo 4.
Khoutu ya Seemo 6.
Go thusa ka boemo jo phitlhelelo e tshwanetseng go fitlhelelwa ka jona mo Dipoelong tsa go Ithuta mo Dikereiting tsa 10 go fitlha go 12, bokgoni jwa thuto bo tlhaloswa go farologanya ditebelelo tsa kereiti ka se moithuti a tshwanetseng go se itse le go se fitlhelela. Magato a marataro a bokgoni, a tlhalositswe mo thutong nngwe le nngwe le mo kereiting nngwe le nngwe. Ditlhaloso tse di tla thusa barutabana go lekanyetsa baithuti le go ba baya mo boemong jo bo nepagetseng jwa tekanyetso. Ditlhaloso di khutshwafatsa se se tlhalositsweng ka botlalo mo Dipoelong tsa go Ithuta le mo Maemong a Tekanyetso, le go neela diponagalo tse di farologanyang le tse di tlhomamisang diphitlhelelo mo boemong jo bo rileng. Magato a a farologaneng a phitlhelelo le tsa diperesente tse di tsamaelanang le tsona di bontshwa mo Sethalong 4.
Go tsamaelana le metheo le tsamaiso ya tekanyetso e e itshetlegileng ka dipoelo, ditekanyetso tsotlhe mo dikolong le tsa kwa ntle ga dikolo di tshwanetse go nna fela ka ditlhokego tse tiro e atlholwang ka tsona. Maduo a ka dirisiwa go tlhatlhoba tiro e e rileng ya tekanyetso, ditiro tsa tekanyetso di tshwanetse go lekanyetswa go ya ka diruburiki go na le go tshwaya dikarabo tse di siameng le go neela maduo go ya ka palo ya matshwao. Dipegelo tsa bokgoni tsa dirutwa di tlhalosa bonnye jwa bokgoni, kitso, maikutlo le meetlo tse di tshwanetseng go supiwa ke moithuti go bontsha phitlhelelo mo kgatong nngwe le nngwe ya sekale sa go lekanyetsa.
Fa barutabana/balekanyetsi ba baakanya tiro/kgotsa potso, ba tshwanetse go netefatsa gore tiro/kgotsa potso e arabela ntlha ya poelo e e rileng. Go tshwanetse ga dirisiwa maemo a tekanyetso a a maleba go tlhama ruburiki e e lekanyetsang tiro kgotsa potso. Ditlhaloso di bontshe ka botlalo bonnye jo bo dumeletsweng jwa maemo a a tshwanetseng go fitlhelelwa mo setlhopheng sengwe le sengwe mo sekaleng sa go lekanyetsa.
Ditlhaloso tsa bokgoni tsa serutwa se, di tlhagelela kwa bofelong jwa kgaolo e.
Tlhatloso mo Kereiting ya 10 le Kereiti ya 11 e tla dirwa fela go ya ka tekanyetso ya mo sekolong, fela e tshwanetse go ya ka mabaka a a tshwanang le a Lokwalo lwa Thuto le Katiso e e Tswelelang. Ditlhokego, maemo, melao ya kopanyo le ya go fetisetsa kwa pele, di tlhaloswa mo "Qualifications and Assessment Policy Framework for Grades 10 - 12 (General)".
Go na le ditsela tse dintsi tsa go tlhama karatapego, fela go botoka gore karatapego e nne bonolo go tlhaloganyega, fa e le gore tshedimosetso yotlhe e e botlhokwa e tsentswe.
pego ya se se diragetseng e e thusang e e tshwaelang ka ga tiro ya moithuti fa e bapisiwa le e e fetileng le ditlhokego tsa serutwa; le tswelelopele ya kgolo ya moithuti mo go ithuteng mokgwa wa go ithuta.
setempe sa sekolo; le porofaele ya moithuti ya go tsena sekolo.
bua le go tlhagisa ditlhangwa ka go itshepa, go na le nyalelano le tomagano ya dikakanyo; bontsha maitemogelo le tiriso ya puo ka tshisimogo le tlotlo; nna tsebentlha go lemoga, ranola, sekaseka le go tlhalosa tshedimosetso mo maitlhomong a a farologaneng ka nepo; dirisa puo ka thelelo mo maemong a tlhaeletsano a farologane e bile a tlwaelegile.
ranola, sekaseka le go tlhalosa ditlhangwa ka nonofo le ka go itshepa, lemoga tshedimosetso e e rileng ka nepagalo fa a buisa le go lebelela; bontsha go tlhaloganya tota fa a gatelela le go tshegetsa dikakanyo tsa gagwe ka dintlha; buisetsa kwa godimo ka thelelo e e bokgabane; bontsha tshisimogo mo dikakanyong tsa ba bangwe le dintlha tsa setso tse di farologaneng.
kwala le go tlhagisa ditlhangwa tse di nang le nyalelano, tomagano ya dikakanyo, e bile di nepagetse; kwala/tlhagisa go ya ka baamogedi ba tshedimosetso, maitlhomo, maemo le popego tse di farologaneng; rulaganya dikakanyo le dintlha tsa tshegetso ka tsela e e tsweletsang, e bontsha boitlhamedi; boeletsa le go baakanya diphoso mo dikwalong ka boene go tokafatsa ditlhangwa.
bua le go tlhagisa ditlhangwa ka go itshepa, go na le nyalelano le tomagano ya dikakanyo; na le nyalelano le tomagano ya dikakanyo, bontsha maitemogelo le tirisopuo ka tshisimogo bontsha maitemogelo le tirisopuo e e bontshang, le tlotlo; nna tsebentlha go lemoga, ranola, tshisimogo le tlotlo sentle; nna tsebentlha go sekaseka le go tlhalosa tshedimosetso mo lemoga, ranola, sekaseka le go tlhalosa maitlhomong a a farologaneng ka nepo; dirisa tshedimosetso ka nepagalo mo maitlhomong a a puo ka thelelo mo maemong a a farologaneng a farologaneng; dirisa puo ka thelelo mo tlhaeletsano.
ranola, sekaseka le go tlhalosa ditlhangwa ka nonofo le ka go itshepa, le go lemoga nonofo le ka go itshepa, le go lemoga tshedimosetso e e rileng ka nepagalo fa a buisa tshedimosetso e e rileng ka nepagalo fa a buisa le go lebelela; bontsha go tlhaloganya tota mme le go lebelela; bontsha go tlhaloganya tota mme a tshegetsa dikakanyo tsa gagwe sentle; buisetsa a tshegetsa dikakanyo tsa gagwe sentle; buisetsa kwa godimo ka thelelo e e bokgabane; bontsha kwa godimo ka thelelo e e bokgabane; bontsha tshisimogo mo dikakanyong tse di farologaneng tshisimogo mo dikakanyong tse dintsi tse di tsa batho ba bangwe le mo go tsa setso. farologaneng tsa batho ba bangwe le mo go tsa kwala le go tlhagisa ditlhangwa tse di nang le setso.
kwala le go tlhagisa ditlhangwa tse di nang le nepagetse; kwala/tlhagisa go ya ka baamogedi, nyalelano le, tomagano ya dikakanyo ebile di maitlhomo, maemo le dikagego tse di nepagetse; kwala/tlhagisa go ya ka baamogedi, farologaneng; rulaganya dikakanyo le dintlha tsa maitlhomo, maemo le dikagego tse di tshegetso ka tsela e e tlhomameng, e e dirang farologaneng ka nonofo; rulaganya dikakanyo le gore batho ba dumalane le ene, e le ya dintlha tsa tshegetso ka tsela e e tlhomameng, e boitshimololedi; boeletsa le go baakanya e dirang gore batho ba dumalanele ene e le ya diphoso mo dikwalong ka boene go tlhagisa boitshimololedi; boeletsa le go baakanya ditlhangwa tse di tokafetseng. diphoso mo dikwalong ka boene go tlhagisa tlhaloganya le go dirisa dipopi le melawana ya ditlhangwa tse di tshwanetseng.
Tsweletso le go tlhalosa bokao, mo tirisong ya mafoko le mo dipopegong ka nonofo; dirisa mefuta e e farologaneng ya dipopi tsa dipolelo ka maitlhomo a go dirisa puo ka gale; bontsha bokgoni jwa maemo a a kwa godimo jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
Ditlhaloso tsa Bokgoni Ditlhaloso tsa Bokgoni puo ka nepagalo le ka go itshepa; lemoga,.
tlhaloganya le go dirisa dipopi le melawana ya ranola, sekaseka le go tlhalosa bokao le tiriso ya puo ka nepagalo le ka go itshepa; lemoga, mafoko le dipopego ka nonofo; dirisa mefuta ya ranola, sekaseka le go tlhalosa bokao le tiriso ya dipopi tsa dipolelo mo maitlhomong a tiriso ka mafoko le dipopego ka nonofo tota; dirisa gale; bontsha bokgoni jo bo siameng jwa tiriso mefuta e mentsi e e farologaneng a dipolelo mo ya thutapuo le tlotlontswe. maitlhomong a tirisopuo ya ka gale; bontsha bokgoni jo bo siameng jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
bua le go tlhagisa ditlhangwa ka go itshepa, dikakanyo di nyalelana e bile di lomagane go le gantsi; bontsha maitemogelo a a kgodisang a tiriso ya puo ka tshisimogo le tlotlo; nna tsebentlha go lemoga tshedimosetso mo maitlhomong a a farologaneng fela a bontsha go okaoka fa a ranola, sekaseka le go tlhalosa; dirisa puo ka thelelo go le gantsi mo maemong a a tlwaelegileng a tlhaeletsano.
lemoga tshedimosetso ka go itshepa go le gantsi fa a buisa le go lebelela fela a bontsha go okaoka fa a ranola, sekaseka le go tlhalosa ditlhangwa; bontsha go tlhaloganya go go siameng, le go gatelela dikakanyo tsa gagwe sentle a bo a di tshegetsa ka dintlha; buisetsa kwa godimo ka thelelo go le gantsi; bontsha tshisimogo mo dikakanyong tsa batho ba bangwe tse di farologaneng le tsa setso.
kwala le go tlhagisa ditlhangwa tsa nyalelano le tomagano ya dikakanyo le nepagalo go le gantsi mme a dira diphoso; kwala/tlhagisa go ya ka baamogedi, maitlhomo, maemo le dikagego tse di farologaneng go le gantsi; rulaganya dikakanyo le dintlha tsa tshegetso ka tsela e e tswelelang, e e dirang gore batho ba dumalane le ene a ntse a bontsha bosupi jo bo rileng jwa boitshimololedi; boeletsa le go baakanya diphoso mo dikwalong ka thuso ya mongwe go tlhagisa ditlhangwa tse di tokafetseng.
bua le go tlhagisa ditlhangwa ka go itshepa, go na le nyalelano le tomagano ya dikakanyo go le na le nyalelano le tomagano ya dikakanyo go le gantsi; bontsha maitemogelo a a kgodisang le go gantsi, bontsha maitemogelo a a kgodisang le go dirisa puo ka tshisimogo le tlotlo; nna tsebentlha dirisa puo ka tshisimogo le tlotlo; nna tsebentlha go lemoga le go ranola tshedimosetso mo go ranola tshedimosetso mo maitlhomong a a maitlhomong a a farologaneng fela a bontsha go farologaneng fela a bontsha go okaoka ka okaoka ka dinako dingwe, sekaseka le go dinako dingwe fa a ranola, sekaseka le go tlhalosa; dirisa puo ka thelelo go le gantsi mo tlhalosa; dirisa puo ka thelelo go le gantsi mo maemong a a farologaneng a tlhaeletsano. maemong a mantsi a a tlwaelegileng a tlhaeletsano.
lemoga le go ranola tshedimosetso ka go itshepa bogolo jwa dinako fa a buisa le go lebelela fela go le gantsi fa a buisa le go lebelela fela a a bontsha go okaoka fa a sekaseka le go tlhalosa bontsha go okaoka fa a sekaseka le go tlhalosa ditlhangwa; bontsha go tlhaloganya go go ditlhangwa; bontsha go tlhaloganya go go siameng le go gatelela dikakanyo tsa gagwe siameng le go gatelela dikakanyo tsa gagwe sentle; buisetsa kwa godimo a bontsha thelelo le sentle; buisetsa kwa godimo go le gantsi a maikutlo; bontsha tshisimogo mo dikakanyong bontsha tshisimogo mo dikakanyong le mo le mo dintlheng tsa setso tse di farologaneng. dintlheng tsa setso tse di farologaneng.
kwala le go tlhagisa ditlhangwa tse di nang le nyalelano le tomagano ya dikakanyo ka nyalelano le tomagano ya dikakanyo ka nepagalo go le gantsi fela a dira diphoso tse di nepagalo go le gantsi; kwala/tlhagisa go ya ka rileng; kwala/tlhagisa go ya ka baamogedi, baamogedi, maitlhomo, maemo le dikagego tse maitlhomo, maemo le dikagego tse di di farologaneng go le gantsi; rulaganya farologaneng go le gantsi; rulaganya dikakanyo dikakanyo le dintlha tsa tshegetso ka tsela e e le dintlha tsa tshegetso ka tsela e e tswelelang, e tswelelang, e e dirang gore batho ba dumalane le e dirang gore batho ba dumalane le ene, mme a ene mme a bontsha boitshimololedi jo bo rileng; bontsha boitshimololedi jo bo rileng; boeletsa le boeletsa le go baakanya diphoso mo dikwalong go baakanya diphoso mo dikwalong ka boene go ka boene go re gantsi, e le go tlhagisa le gantsi e le go tlhagisa ditlhangwa tse di ditlhangwa tse di tokafetseng. tokafetseng.
Tsweletso dipopego tsa mafoko go le gantsi; dirisa dipopi tse di farologaneng tsa dipolelo mo maitlhomong a tirisopuo ya ka gale fela a dira diphoso tse di rileng; bontsha bokgoni jo bo siameng jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
Ditlhaloso tsa Bokgoni Ditlhaloso tsa Bokgoni tlhaloganya le go dirisa dipopi le melawana ya puo ka nepagalo le go itshepa go le gantsi; lemoga, ranola le go tlhalosa bokao le tiriso ya mafoko le dipopego tsa mafoko go le gantsi; dirisa dipopi tsa dipolelo tse di farologaneng mo maitlhomong a tirisopuo ya ka gale fela a dira diphoso tse di rileng; bontsha bokgoni jo bo siameng jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe..
tlhaloganya le go dirisa dipopi le melawana ya puo ka nepagalo le go itshepa go le gantsi; lemoga, ranola le go tlhalosa bokao le tiriso ya mafoko le dipopego tsa mafoko go le gantsi; dirisa mefuta ya dipopi tsa dipolelo mo maitlhomong a tirisopuo ya ka gale fela a dira diphoso tse di rileng; bontsha bokgoni jo bo siameng jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
bua le go tlhagisa ditlhangwa ka go itshepa, go na le nyalelano le tomagano e e isegang ya dikakanyo; bontsha maitemogelo a tiriso ya puo ka tshisimogo le tlotlo; nna tsebentlha go lemoga tshedimosetso fela a tlhoka tshegetso fa a ranola, sekaseka le go tlhalosa; dirisa puo ka thelelo e e isegang mo maemong a a tlwaelegileng a tlhaeletsano.
lemoga le go ranola tshedimosetso ka tsela e e isegang le go itshepa fa a buisa le go lebelela fela a nna le bothata fa a sekaseka le go tlhalosa ditlhangwa; bontsha go tlhaloganya go go isegang, gatelela dikakanyo tsa gagwe le go di tshegetsa ka dintlha; buisetsa kwa godimo ka thelelo e e isegang ka dinako dingwe; bontsha tshisimogo e e isegang mo dikakanyong tsa ba bangwe le mo go tsa setso tse di farologaneng.
kwala le go tlhagisa fela ditlhangwa ka boitlhamedi jo bo amogelesegang fela go na le tlhaelo mo nyalelanong, le tomaganong ya dikakanyo le nepagalo ka dinako dingwe; kwala/tlhagisa go ya ka maitlhomo, maemo le dikagego fa a thusiwa ke mongwe; rulaganya dikakanyo le dintlha tsa tshegetso ka tsela e e isegang le ka tlhomamo; boeletsa le go baakanya diphoso mo dikwalong ka tshegetso ka dinako tsotlhe go tlhagisa ditlhangwa ka tokafalo e e isegang.
bua le go tlhagisa ditlhangwa ka go itshepa, nyalelano le tomagano ya dikakanyo e e isegang nyalelano le tomagano ya dikakanyo e e isegang tlhoka thotloetso ka dinako dingwe; bontsha le thotloetso ka dinako dingwe; bontsha maitemogelo a a isegang a tirisopuo ka maitemogelo a a isegang a tiriso ya puo ka tshisimogo le tlotlo; nna tsebentlha ka tsenelelo tshisimogo le tlotlo; nna tsebentlha ka tsenelelo e e isegang go lemoga tshedimosetso fela a e e isegang go lemoga le go ranola tlhoka tshegetso fa a ranola, sekaseka le go tshedimosetso fela a tlhoka tshegetso fa a tlhalosa; dirisa puo ka thelelo e e isegang mo sekaseka le go tlhalosa; dirisa puo ka thelelo e e maemong a tlhaeletsano. isegang mo maemong a tlhaeletsano.
lemoga le go ranola tshedimosetso ka tsela e e isegang le go itshepa fa a buisa le go lebelela isegang le go itshepa fa a buisa le go lebelela fela a tlhoka tshegetso fa a sekaseka le go fela a tlhoka tshegetso fa a sekaseka le go tlhalosa ditlhangwa; bontsha go tlhaloganya go tlhalosa ditlhangwa; bontsha go tlhaloganya go go isegang mme a gatelela dikakanyo tsa gagwe go isegang mme a gatelela dikakanyo tsa gagwe le go di tshegetsa ka tekano; buisetsa kwa le go di tshegetsa ka tekano; buisetsa kwa godimo a ka thelelo e e isegang; bontsha godimo ka thelelo e e isegang; bontsha tshisimogo e e isegang mo dikakanyong tsa ba tshisimogo e e isegang mo dikakanyong tsa ba bangwe le mo go tsa setso tse di farologaneng. bangwe le mo go tsa setso tse di farologaneng.
kwala le go tlhagisa ka tsela e e isegang fela ditlhangwa di bontsha tlhaelo mo nyalelanong le ditlhangwa di bontsha tlhaelo mo nyalelanong le tomaganong ya dikakanyo ka dinako dingwe; tomaganong ya dikakanyo ka dinako dingwe; kwala/tlhagisa go ya ka baamogedi, maitlhomo, kwala/tlhagisa go ya ka baamogedi, maitlhomo, maemo le dikakego ka thuso ya mongwe; maemo le dikagego ka thuso ya mongwe; rulaganya dikakanyo le dintlha tsa tshegetso ka rulaganya dikakanyo le dintlha tsa tshegetso ka tekano le tlhomamo; boeletsa le go baakanya tekano le tlhomamo; boeletsa le go baakanya diphoso mo dikwalong ka tshegetso go tlhagisa diphoso mo dikwalong ka tshegetso go tlhagisa ditlhangwa ka tokafalo e e isegang. ditlhangwa ka tokafalo e e isegang.
Tsweletso tiriso ya mafoko le dipopego tsa mafoko ka nepagalo e e isegang ka tshegetso; dirisa dipopi tse di farologaneng tsa dipolelo mo maitlhomong a tiriso ya puo ka gale; bontsha bokgoni jo bo isegang jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
Ditlhaloso tsa Bokgoni Ditlhaloso tsa Bokgoni tlhaloganya le go dirisa dipopi le melawana ya puo ka nepagalo e e isegang; lemoga, ranola le go tlhalosa bokao jwa tiriso ya mafoko le dipopego tsa mafoko ka nepagalo e e isegang ka tshegetso; dirisa dipopi tse di farologaneng tsa dipolelo mo maitlhomong a tirisopuo ya ka gale fela a dira diphoso ka dinako dingwe; bontsha bokgoni jo bo isegang jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
tlhaloganya le go dirisa dipopi le melawana ya puo ka nepagalo e e isegang; lemoga, ranola le go tlhalosa bokao jwa tiriso ya mafoko le dipopego tsa mafoko ka nepagalo e e isegang ka tshegetso; dirisa dipopi tse di farologaneng tsa dipolelo mo maitlhomong a tirisopuo ya ka gale fela a dira diphoso; bontsha bokgoni jo bo isegang jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
bua le go tlhagisa ditlhangwa ka go itshepa go go lekaneng, nyalelano le tomagano ya dikakanyo fela a tlhoka go gakololwa ka dinako tsotlhe; bontsha maitemogelo a a lekaneng a tiriso ya puo ka tshisimogo le tlotlo; nna tsebentlha go go isegang go lemoga tshedimosetso fela a tlhoka tshegetso fa a ranola, sekaseka le go tlhalosa; dirisa puo ka thelelo e e lekaneng mo maemong a a tlwaelegileng a tlhaeletsano.
lemoga le go ranola tshedimosetso ka tekano go le gantsi fa a buisa le go lebelela fela a nna le bothata jwa go lemoga, ranola, sekaseka le go tlhalosa ditlhangwa ka boene; bontsha go tlhaloganya ka tekano fela a okaoka fa a tlhagisa dikakanyo tsa gagwe kgotsa a tshegetsa ka dintlha; buisetsa kwa godimo ka thelelo e e lekaneng; bontsha tshisimogo ka tekano mo dikakanyong tsa batho ba bangwe le mo go tsa setso.
kwala le go tlhagisa ka tekano fela ditlhangwa di bontsha tlhaelo ya nyalelano le tomagano ya dikakaoyo le nepagalo ka dinako dingwe; kwala/tlhagisa ka tekano go ya ka baamogedi, maitlhomo, maemo le dikagego; rulaganya dikakanyo le dintlhakemo ka tekano, tlhomamo le tshegetso ka dinako tsotlhe; boeletsa le go baakanya diphoso mo dikwalong fela a tlhoka tshegetso ka dinako tsotlhe go tila diphoso tse di ka senyang bokao.
bua le go tlhagisa ditlhangwa ka go itshepa go go lekaneng, nyalelano le tomagano ya go lekaneng, nyalelano le tomagano ya dikakanyo fela a tlhoka go gakololwa; bontsha dikakanyo fela a tlhoka go gakololwa ka dinako maitemogelo a a lekaneng a tshisimogo le tlotlo; dingwe bontsha maitemogelo a a lekaneng a nna tsebentlha go go lekaneng go lemoga tiriso puo ka tshisimogo le tlotlo; nna tsebentlha tshedimosetso fela a itemogela bothata fa a go go lekaneng go lemoga, le go ranola sekaseka, ranola le go tlhalosa ditlhangwa; dirisa tshedimosetso fela a itemogela mathata fa a puo ka thelelo e e lekaneng mo maemong a a sekaseka le go tlhalosa ditlhangwa; dirisa puo ka tlwaelegileng a tlhaeletsano. thelelo e e lekaneng mo maemong a a farologaneng a tlhaeletsano.
lemoga tshedimosetso ka tekano fa a buisa le go lebelela fela a nna le bothata fa a ranola, lebelela fela a nna le bothata fa a ranola, sekaseka le go tlhalosa ditlhangwa ka dinako sekaseka le go tlhalosa ditlhangwa ka dinako dingwe ka boene; bontsha go tlhaloganya ka dingwe ka boene; bontsha go tlhaloganya ka tekano fela a okaoka fa a dikakanyo tsa gagwe tekano fela a okaoka fa a fa dikakanyo tsa le go di tshegetsa; buisetsa kwa godimo ka gagwe le go di tshegetsa; buisetsa kwa godimo thelelo e e lekaneng; bontsha tshisimogo e e ka thelelo e e lekaneng; bontsha tshisimogo e e lekaneng mo dikakanyong le mo dintlheng tsa lekaneng mo dikakanyong le mo dintlheng tsa setso tse di farologaneng. setso tse di farologaneng.
kwala le go tlhagisa ka tekano fela ditlhangwa di bontsha tlhaelo ya nyalelano le tomagano ya di bontsha tlhaelo ya nyalelano le tomagano ya dikakanyo le nepagalo ka dinako dingwe; dikakanyo le nepagalo ka dinako dingwe; kwala/tlhagisa go ya ka baamogedi, maitlhomo, kwala/tlhagisa go ya ka baamogedi, maitlhomo, maemo le dikagego tse di farologaneng ka thuso maemo le dikagego tse di farologaneng ka thuso ya mongwe, ka tekano; rulaganya dikakanyo ka ya mongwe, ka tekano; rulaganya dikakanyo ka tlhomamo le ka tekano; boeletsa le go baakanya tlhomamo le ka tekano; boeletsa le go baakanya diphoso mo dikwalong fela a tlhoka thuso ka diphoso mo dikwalong fela a tlhoka thuso ka dinako tsotlhe go tila diphoso tse di ka senyang dinako dingwe go tila diphoso tse di senyang bokao. bokao ka dinako dingwe.
dirisa dipopi tse di farologaneng tsa dipolelo mo maitlhomong a tiriso fela a dira diphoso tse dintsi tse di botlhaswa; bontsha bokgoni jo bo lekaneng jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
Ditlhaloso tsa Bokgoni Ditlhaloso tsa Bokgoni tlhaloganya le go dirisa dipopi le melawana ya tirisopuo ka tekano fela a dira diphoso tse di botlhaswa; bontsha, ranola le go tlhalosa bokao jwa tiriso ya mafoko le dipopego tsa mafoko ka tekano, ka tshegetso; dirisa dipopi tse di farologaneng tsa dipolelo mo maitlhomong a tiriso fela a dira diphoso tse di botlhaswa; bontsha bokgoni jo bo lekaneng jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
tlhaloganya le go dirisa dipopi le melawana ya tirisopuo ka tekano fela a dira diphoso tse di botlhaswa; bontsha, ranola le go tlhalosa bokao jwa tiriso ya mafoko le dipopego tsa mafoko ka tekano, ka tshegetso; dirisa dipopi tse di farologaneng tsa dipolelo mo maitlhomong a tiriso fela a dira diphoso tse dintsi; bontsha bokgoni jo bo lekaneng jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
bua le go tlhagisa ditlhangwa fela a kgona go le gonnye go bontsha nyalelano le tomagano ya dikakanyo; bontsha maitemogelo a tirisopuo ka tshisimogo le tlotlo ka sewelo; kgona go le gonnye go reetsa ka tsenelelo go lemoga tshedimosetso, e bile a itemogela bothata go le gantsi go ranola le go sekaseka ditlhangwa; kgona go tlhaeletsana mo maemong a a tlwaelegileng a tshedimosetso ka thelelo e e bokoa ka dinako dingwe.
ranola, sekaseka le go tlhalosa ditlhangwa ka boene di ka nepagala ka dinako dingwe fa a buisa le go lebelela; kgona go le gonnye go bontsha go tlhaloganya kgotsa go tlhagisa dikakanyo tsa gagwe le go di tshegetsa; buisetsa kwa godimo a bontsha thelelo ka sewelo; bontsha tshisimogo mo dikakanyong le mo dintlheng tsa setso tse di farologaneng ka sewelo.
kwala le go tlhagisa ditlhangwa ka nyalelano le tomagano ya dikakanyo ka sewelo; kwala go ya ka baamogedi, maitlhomo, maemo le dikagego ka sewelo le fa a bona thuso ka dinako tsotlhe; rulaganya dikakanyo le dintlha tsa tshegetso tse di bonolo ka tshegetso fela, mme ga di na tlhomamo le bokao bo fosagaditswe, diphoso ke tse di tseneletseng go le gantsi; bontsha bosupi jo bonnye jwa poeletso le go baakanya diphoso le fa a bona thuso ka metlha.
bua le go tlhagisa ditlhangwa ka go okaoka mme mme di na le nyalelano le tomagano ya di na le nyalelano le tomagano ya dikakanyo; dikakanyo ka sewelo; bontsha maitemogelo a bontsha maitemogelo a tiriso ya puo e e tirisopuo ka tshisimogo le tlotlo ka sewelo; bontshang tshisimogo le tlotlo ka sewelo; kgona kgona go le gonnye go nna tsebentlha go lemoga gole gonnye go nna tsebentlha go lemoga le go tshedimosetso mme a itemogela bothata fa a ranola tshedimosetso mme a itemogela bothata sekaseka le go ranola ditlhangwa le fa a bona fa a sekaseka le go tlhalosa ditlhangwa le fa a thuso. bona thuso.
ranola, sekaseka le go tlhalosa ditlhangwa ka tlwaelegileng ka thelelo ka sewelo; ranola, boene le ka nepagalo ka sewelo fa a buisa le go sekaseka le go tlhalosa ditlhangwa ka boene le ka lebelela; bontsha tlhaelo ya go tlhaloganya le go nepagalo ka sewelo thata fa a buisa le go lebelela; tshegetsa dikakanyo tsa gagwe ka sewelo; bontsha tlhaelo ya go tlhaloganya le go tshegetsa buisetsa kwa godimo ka thelelo ka sewelo kgona dikakanyo tsa gagwe ka sewelo; buisetsa kwa go le gonnye go bontsha tshisimogo mo godimo a bontsha thelelo ka sewelo; kgona go le dikakanyong tsa ba bangwe le mo go tsa setso gonnye go bontsha tirisopuo ka tshisimogo mo tse di farologaneng. dikakanyong tsa ba bangwe le mo go tsa setso tse di farologaneng.
kwala le go tlhagisa ditlhangwa di na le tlhaelo ya nyalelano le tomagano ya dikakanyo kgotsa ya nyalelano le tomagano ya dikakanyo le nepagalo; kgona go le gonnye go kwala/tlhagisa nepagalo; kgona go le gonnye ke go go ya ka baamogedi, maitlhomo, maemo le kwala/tlhagisa go ya ka baamogedi, maitlhomo, dikagego tse di farologaneng le fa a bona thuso; maemo le dikagego tse di farologaneng; rulaganya dikakanyo le dintlha tsa tshegetso tse rulaganya dikakanyo le dintlha tsa tshegetso tse di bonolo ka tshegetso fela, mme ga di a di bonolo ka tshegetso fela, mme ga di a tlhomama le bokao bo fosagaditswe ke diphoso tlhomama le bokao bo fosagaditswe; bontsha tse di tseneletseng; bontsha bosupi jo bonnye bosupi jo bonnye jwa poeletso le paakanyo ya jwa poeletso le paakanyo ya diphoso le fa a diphoso le fa a ntse a bona thuso ka metlha. bona thuso ka metlha.
tlhaloganya le go dirisa dipopi le melawana ya puo ka sewelo mme a dira diphoso tse di tseneletseng; lemoga, ranola le go tlhalosa bokao le tiriso ya mafoko ka sewelo le dipopego tsa mafoko le fa a bona thuso; dirisa dipopi tse di bonolo tsa dipolelo fela mo maitlhomong a tiriso ya puo ka gale mme a dira diphoso tse dintsi; bontsha tlhaelo ya bokgoni jwa go dirisa thutapuo le tlotlontswe.
Tsweletso go tlhalosa bokao le tiriso ya mafoko le dipopego tsa mafoko ka sewelo le fa a bona thuso ka dinako tsotlhe; dirisa dipopi tse di bonolo tsa dipolelo mo maitlhomong a tiriso fela a dira diphoso tse dintsi thata; bontsha tlhaelo ya bokgoni jwa go dirisa thutopuo le tlotlontswe.
Ditlhaloso tsa Bokgoni tlhaloganya le go dirisa dipopi le melawana ya puo ka sewelo mme a dira diphoso tse di tseneletseng; lemoga, ranola le go tlhalosa bokao le tiriso ya mafoko ka sewelo le dipopego tsa mafoko le fa a bona thuso; dirisa dipopi tse di bonolo tsa dipolelo fela mo maitlhomong a tiriso ya puo ka gale a dira diphoso; bontsha tlhaelo ya bokgoni jwa go dirisa thutapuo le tlotlontswe.
bua le go tlhagisa ditlhangwa fela ka kgaotso e e nyemisang mooko; bontsha tlhaelo e kgolo ya maitemogelo a tirisopuo ka tshisimogo le tlotlo; tlhaela bokgoni jwa go reetsa ka tsenelelo go ranola, sekaseka, le go tlhalosa tshedimosetso; dirisa puo fela boatleng a sa tlhaloganye ka jalo tlhaeletsano e bokoa ka ntlha ya tlhaelo ya tlotlontswe.
lemoga, ranola, sekaseka kgotsa go tlhalosa ditlhangwa fa a buisa le go lebelela ka thetelelo; retelelwa gotlhelele go bontsha go tlhaloganya kgotsa go tshegetsa dikakanyo tsa gagwe ka dintlha; retelelwa ke go bontsha tshisimogo mo dikakanyong le mo dintlheng tsa setso tse di farologaneng ka thetelelo.
kwala le go tlhagisa ditlhangwa tse di sa tlhaloganyeng ka di sena nyalelano le tomagano ya dintlha e bile di sa nepagala; retelelwa ke go kwala go ya ka baamogedi, maitlhomo, maemo le dikagego tse di farologaneng; tlhagisa sekwalwa se se kgamathetseng diphoso tse di bontshang tlhaelo e kgolo ya kitso ya thutapuo; retelelwa gotlhelele go bontsha bosupi jwa poeletso le paakanyo ya diphoso mo dikwalong; le fa a ntse a bona thuso ka metlha ga a bontshe tokafalo epe.
bua le go tlhagisa ditlhangwa ka go kgaotsa go go go nyemisang mooko; bontsha maitemogelo a go nyemisang mooko; bontsha maitemogelo a mannye thata le tiriso ya puo e e bontshang mannye thata le tiriso ya puo e e bontshang tshisimogo le tlotlo; bontsha tlhaelo e kgolo ya tshisimogo le tlotlo; bontsha tlhaelo e kgolo go tlotlontswe le tiriso ya puo e e bokoa thata; bontsha, ranola, sekaseka le go tlhalosa retelelwa ke go bontsha, ranola, sekaseka le go tshedimosetso fa a reetsa ka ntlha ya bokgoni jo tlhalosa tshedimosetso fa a reetsa ka ntlha ya bo bokoa thata jwa theetso. bokgoni jo bo bokoa thata jwa theetso.
lemoga, ranola, sekaseka le go tlhalosa ditlhangwa ka bothata fa a buisa le go lebelela; ditlhangwa ka bothata fa a buisa le go lebelela; retelelwa ke go tlhaloganya kgotsa go tshegetsa retelelwa ke go tlhaloganya kgotsa go tshegetsa dikakanyo; buisetsa kwa godimo a itemogela dikakanyo; buisetsa kwa godimo a itemogela bothata jwa thelelo le go bontsha tshisimogo mo bothata jwa thelelo le go bontsha go tshisimogo dikakanyong tsa ba bangwe mo go tsa setso tse mo dikakanyong tsa ba bangwe le mo go tsa di farologaneng ka ntlha ya tlhaloganyo e e setso tse di farologaneng ka ntlha ya tlhaloganyo bokoa ya puo. e e bokoa ya puo.
kwala ditlhangwa go sena nyalelano le ya dikakanyo ka nepagalo; retelelwa go tomagano ya dikakanyo ka nepagalo; retelelwa kwala/tlhagisa go ya ka baamogedi, maitlhomo, go kwala/tlhagisa go ya ka baamogedi, maemo le dikagego tse di farologaneng fa a maitlhomo, maemo le dikagego tse di kwala le go tlhagisa a tlhagisa sekwalwa se se farologaneng, fa a kwala le go tlhagisa a tlhagisa kgamathetseng diphoso tse di kgoreletsang sekwalwa se se kgamathetseng diphoso tse di bokao, fela ka ntlha ya go sa tlhaloganyeng kgoreletsang bokao fela, ka ntlha ya go sa ditlhogo le tiriso e e bokoa ya puo; retelelwa ke tlhaloganyeng ditlhogo le tiriso e e bokoa ya go bontsha bosupi jwa poeletso le paakanyo ya puo; retelelwa ke go bontsha bosupi jwa diphoso mo dikwalong le fa a bona thuso ka poeletso le paakanyo ya diphoso mo dikwalong metlha. le fa a bona thuso ka metlha.
tlhaloganya le go dirisa dipopi le melawana ya puo ka bothata a bontsha go tlhaloganya go gonnye thata gwa tshimologo ya mafoko le dipopego tsa mafoko fela; dirisa dipolelo tse di seng go ya ka thutapuo e bile a sa tlhaloganye thutapuo le tlotlontswe.
tlhaloganya le go dirisa dipopi le melawana ya puo ka bothata a bontsha kitso e nnye thata ya tshimologo ya mafoko le dipopego tsa mafoko; dirisa dipolelo tse di seng go ya ka thutapuo e bile a bontsha go se tlhaloganye thutapuo le tlotlontswe.
Ditlhaloso tsa Bokgoni tlhaloganya le go dirisa dipopi le melawana ya puo ka bothata a bontsha go tlhaloganya go gonnye thata gwa tshimologo ya mafoko le dipopego tsa mafoko fela; dirisa dipolelo tse di seng go ya ka thutapuo e bile a sa tlhaloganye thutapuo le tlotlontswe.
Thuto ya dipoelo.baakanya diphoso - go ntsha diphoso tsa mokwalo le matshwao a puiso a etswe tlhoko.baamogedi - bareetsi, babogedi, babuisi ba mefuta e e farologaneng ya tlhaeletsano ka kakaretso.boakaretsi - molawana o o reng thuto e fitlhelelwe ke baithuti botlhe ntle le go ba kgetholola ka ntlha ya bokoa bongwe jwa bona, e ka nna jwa dirwe tsa mmele kana tlhaloganyo.bodiragatsi - go tsaya karolo mo motshamekong, sekai terama.bokgabane - matsetseleko.boitlhamedi - mafoko a setheo kgotsa borutegi jo bo rileng; e le mareo a a ka itsiweng ke ba setheo felaboitshimololedi - boikakanyetsi jwa moithuti ka nosi jo bo kgethegileng, a bo ithaetse go tlhagisa kitso ya gagwe.bonnye jo bo dumeletsweng - ntlha e e kwa tlase e e kayang gore tiragatso e e neilweng e fitlheletswe.
Fa moithuti a newa tiro e e leng gore o tshwanetse go bona diperesente di le 50 go e falola, peresente e, kebonnye jo bo dumeletsweng go falola.bokao jo bo bofitlha - bokao jo bo kunameng bo sa tlhalosege bo le tlhôlôlôbotlhagisi pele jwa setshwantsho le lemorago lwa sone - sekao go tlhagisa dithungthung le pula ya matlakadibe kwa tshimologong ya setshwantsho go latelwa ke ditiragalo tse di tshosang didiriswadintsi - go dirisa mmogo didiriswa jaaka setlhangwa, ditshwantsho, digatisamodumo, thelebipene, bidiyo jj jaaka dithusathuto mo thutong.dikarolo tsa polelo - dikarolwana tse di bopang polelo jk, lediri, sedirwa, letiro, dipolelwana jj.
Dipuo - Setswana Puotlaleletso ya Bobedi ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso), tse di tlhotlhelediwang ke Molaotheo - di akaretsa dikgono tsa pinagare tsa botshelo tsa baithuti, jaaka tlhaeletsano, kakanyo e e tseneletseng, tiro le tsamaiso ya tshedimosetso, tiro ya ditlhopha le ya baagi le dikgono tsa go lekanyetsa.
dipoelo tsa kgolo - tsona, mmogo le Dipoelo tsa Botlhokwa, di bopa pinagare ya dipoelo tsa Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso), tse di tlhotlheletswang ke Molaotheo - di akaretsa go kgontsha baithuti go ithuta sentle, go nna baagi ba ba nang le boikarabelo.
diponagalo - dilo dingwe tse di itlhophileng tse di tlhaolang se sengwe go se sengwe jaaka poko e farologanale padi. Sekao; Diponagalo tsa leboko ke: ditema, dipoeletso, moribo, morumo, jj.dipotso tse di sa batleng dikarabo - jaaka A lo batla go boela mo pusong ele ya tlhaolele?
dipotso tse di tseneletseng - dipotso tse di lekang kitso bogolo jang ka dikgaisano le go itumedisa.ditsela tsa ditiro - tiro e moithuti a batlang go e dira morago ga dithuto. Dithuto tse a di tlhophileng tsamotheo di lebane le tiro eo.
ditshwanelo tsa botho - sengwe le sengwe se ka molaotheo wa naga e leng tshwanelo ya moagi mongwe le mongwe, go se dira, bua, amogela jalojalo kwa ntle ga go kgorelediwa kgotsa go kgoreletsa ba bangwe.ditshwantshotshupetso - ditshwantsho tse di nolofaditsweng go bontsha popego kgotsa ka mo selo sebonwang ka teng.
emelela ntlha (go) - go ema kgatlhanong le tlhaselo ka maitlhomo a go netefatsa se a se buang/emetseng.go beela lonao - go beela motho serai kgotsa go epela motho lemena.go phopholetsa - go batla ka go utlwelela ka menwana o sa bone kgotsa go leka go tlhaloganya se o se utlwang ka go akanya.go tlhagisa ntlha ya gagwe - go akgela kgotsa go tshwaela.godisa - go oketsa kitso, bokgoni, kgotsa popego.ineelo - dira tiro kgotsa diragatsa maitlhomo ka botswapelo.ka botlalo - go akaretsa dintlha tse dingwe tse di tlhokagalang kgotsa tse di tshegetsang.kaedi - go thusa ka dikakanyo, dikeletso kgotsa tshedimosetso tse di nang le thuto nngwe ka maitlhomo a go rarabolola bothata go kgontsha batho go ikemela ka bobona.kagego - thulaganyo ya setlhangwa go ya ka popego, bogolo le tatelano ya diteng.
ka tekano - se se dirwang se dirwa ka tsela e e lebeletsweng kgotsa e e amogelegang.kakanyetso - dilo tse di akanngwang e le nnete ka maemo.katlholelopele - kakanyo e e fosagetseng e e dirwang e sena bosupi kgotsa e sa sekasekwa ke mongwe.kgato - kitsiso ya kgotsa bokgoni jwa tiro go ya jaaka fa e dirwa go tswa kwa tshimologong go fitlha kwa bokhutlong.
kgasakgaso - maiteko a ka bomo a go leka go tlhotlheletsa dikakanyo tsa batho ka go tlhagisa tshedimosetso ee ka nnang nnete kgotsa maaka ka maikaelelo a go dira gore ba dumele se ba se utlwang kgotsa ba se bonang.kgobokanyo ya dintlha - go kgobokanya dintlha tse di tsamaelanang ka go di golaganya ka mela.kgonya - go ema tsi! fa o buisalebelela ka tsenelelo - go lebelela lokwalo kgotsa go lo sekaseka ka maitlhomo a go bona bokao jo bo fitlhegileng le go le tlhaloganya.
lebolelateng - mofuta wa bolwetse jo mogare wa lona o atelang mo mading a motswasetlhabelo morago ga gotshwaediwa mme o koafatse masole a mmele.leetsi - mafoko a a etsisang modumo wa sengwe.lenaanenetefatso - papetlana e go kwadilweng dintlha tse di tla lebelelwang fa tiro e e neetsweng e atlega kana e sa atlege ka go feta di tshwaiwa mme morago go tsewe tshwetso e e maleba.
Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) mme a tlhangwa kediporofense, dikolo le barutisi.letlhomeso la taolo ya borutegi la bosetphaba - ke morero o o tshwanang le go farologana le paakanyo e e laolang go ithuta le go ruta mo Aferika Borwa.
letshwao - sengwe se se tshwantshitsweng go tsibosa kgotsa go fetisa tshedimosetso/taelo. Sekao; letshwao le, le tlhalosa gore mmino ga o a dumelelwa. le, le bolela gore batho ba ba dirisang ditilo tsa maotwana ba ka dirisa tulo e.maemo a tekanyetso - kitso, kgono le maikutlo tse baithuti ba tshwanetseng go di bontsha le gore bafitlheletse dipoelothuto mo kereiting nngwe le nngwe.
Dipuo - Setswana Puotlaleletso ya Bobedi mafoko a a bokaobontsi - sekao: (i) Mothusi ke kgosi ya Bakgatla kgr:-ke moetapele wa morafe, o tlhomilwe go nna kgosi. (ii) Ke kgosi kwa tirong kgr:-ke ena yo mogolo ka maemo. (iii) Ke kgosi kwa lapeng la gaabo kgr:-ke ena tibola ntha, ngwana wa ntlha.
maitlhomo - lebaka le le dirang gore sengwe se dirwe kgotsa se nne teng.marara - ditiragalo/dintlha tse dintsi tse di golaganeng di le thata go tlhaloganyega.matseno - tlhaloso e e botlalo ka ga sengwe se go buiwang kgotsa go kwadilweng ka ga sona. Sekao; modikwalong matseno a tlhagisa moanelwamogolo, motlhodi wa kgotlhang, lefelokgang, nako jj.
mefuta ya dikwalo - lereo le le dirisetswang mefuta ya dikwalo jaaka diporouse tsa boitlhamedi, maboko lediterama. mefuta ya dipolelo - go na le mefuta e e farologaneng ya dipolelo tse di jaaka dipotso, ditaelo, dipegelo jj.
mekamekana - go dirisana, buisana, lebelela, le go reetsana ka botlalo le ka mokgwa o o rileng go nna le seabe mmogo.melawana - ditlwaelo tse di amogelegileng ka kakaretso, e ka nna ka tsela ya boitshwaro, go buisana le bathoba bangwe kgotsa ka mo mafoko a tshwanetseng go latelana ka teng mo polelong.
metheo e e rulaganyang - metheo le manaane a go ruta a a itshetlegileng ka bokgoni jo bo tshwanetseng go godisiwa mo baithuting le ditlhangwa tse di tla letlang baithuti go tlhatlhoba dintlha tse di ba amang, tsa setphaba le tsa lefatshe lotlhe.
mogare wa lebolelateng - lebelela lebolelatengmogopolo - se motho a se akanyang; monagano.mokgwa - ke tsela e tiro e dirwang ka yona.mokwalotlanyo - go kwala ka motshini o o tlanyang, ka khomputara kgotsa sebalamakgolo.molao wa boitshwaro - melao ya botho e e laolang kgotsa e e tlhotlheletsang boitshwaro jwa motho.motlhala - ntlha kgotsa lenathwana la bosupi le le dirisiwang go tlhagisa nnete e e fitlhegileng kgotsa go rarabolola bothata.namatsha - go itumedisa tota.ngôka - ôka sengwe ka go se kgatlha.nonofo - go tlhagisa tiro ka mokgwa o o lebeletsweng o o atlegileng.
ntlhakemo - ntlha e mmui a e dibelang mo dipuisanong fa a neela mabaka a a maleba.nyalelano - mogopolo le dikakanyo di du malana sentle.pegelo - go bega sengwe ka go se ranola ka maitlhomo a go senola bokao jwa sona.pegelo ya kharikhulamo ya bosetphaba - pegelo e e emelang pholisi ya go ithuta le go ruta kwa dikolong mo thutong ya Thuto le Katiso e e Tswelelang. Poelo ya go Ithuta - dipholo kwa bofelong ba tiro ya go ithuta mo thutong e e ikaegileng ka dipoelo tse dithusang go batla tiro ya go ithuta.pueletsopuiso - go buisa ka maitlhomo a go netefatsa fa o kwadile sentle go se na difatlhi, morago o tlhagisetiro ya gago go ka buisiwa ke botlhe porofaele ya moithuti - rekotokakaretso ya moithuti, go akarediwa tshedimosetso ka ga gagwe, kgolo yaloago, ditlhokego tsa tshegetso, dikao tsa bontlhanngwe jwa tiro ya gagwe, le pegelo ya ngwaga otlhe. potofolio ya moithuti - faele ya moithuti mongwe le mongwe kgotsa kokoanyo ya tiro ya gagwe ya tekanyetso ya tsweletso ya ngwaga otlhe.
potsotherisano - puisano gareng ga batho ba babedi kgotsa go feta, yo mongwe a botsa mme yo mongwe aaraba.poloto - thulaganyo ya ditiragalo tsa setlhangwa, go tloga ka tshimologo, setlhoa le bokhutlo, mme di akaretsa kgang/thitokgang e le nngwe.
polotwana - thulaganyo ya ditiragalo tse dingwe tse dinnye ka fa gare ga lokwalo le le lengwe mmetiragalonyana e, e na le tshimologo, setlhoa le bokhutlo ba yona.puo e e ithaetsweng - puo e e itlhametswengpuo eo e dirisiwang go bua ka thuto ya puo - puo e e dirisang tlotlontswe e e jaaka lediri, poloto, tematheto, leina, letlhalosi jj.
puo ya botshwantshi - mafoko le dipolelo di lere bokao jwa dikapuo jaoka, tshwantshanyo, mothofatso letshwantshisopuo ya kgobelelo - puo e e tsayang letlhakore e dira gore go nne thata go tsaya tshwetso e e siameng.puo ya tlhotlheletso - maikutlo a dirisiwa go gapa le go sia ka mogopolo wa motho.puo tlaleletso - puo ya bobedi kgotsa ya boraro e e ithutiwang mmogo le puo ya gae.
puo - tsela ya batho ya tlhaeletsano ka go bua, go kwala kgotsa puo ya matsogo ka tiriso ya mafoko a go dumelelanwang ka ona.
Dipuo - Setswana Puotlaleletso ya Bobedi puo ya go ruta le go ithuta - puo e e dirisiwang mo sekolong go ruta le go ithuta.puo ya tikologo e e rileng - puo e e buiwang ke batho fela ba tikologo kgotsa karolo e e rileng ya naga. puotlwaelo - puo e e dirisiwang mo motlotlong fela go sa dirisiwe mafoko a a maleba/a a siameng kana go sa latelwe melao le melawana ya tiriso ya puo.
puotswako - puo e e seng ya semmuso e ka gale e dirisiwang ke setlhopha sa batho jaaka go dirisa mafoko adipuo tse dingwe mo puong. (puo ya botsotsi).rerisana - go leka go fitlhelela tumalano kgotsa go fitlhelela tumalano ka go tlosa dipelaelo dingwe fa mongwe a buisana le bangwe. Go leka go bona tsela kgotsa mokgwa wa go tlhaloganya se se buisiwang, reediwang kgotsa dirwang.segalo - lentswe, modumo, bokibo le mosito fa motho a ne a bua kgotsa a opela.
se se kwadilweng - bokao jo bo tlhamaletseng jo bo ka golaganngwang le se se kwadilweng.segalo - tsela ya go kapodisa lefoko go fapaanya bokao jwa lona le a mangwe a a nang le modumo o otshwanang le lona.
sekgamu sa thuto le katiso e e tswelelang - ke thuto ya dingwaga di le 3 tsa thuto ya sekolo go tloga ka kereiti 10-12. Ke kgato ya bofelo ya Thuto le katiso kwa dikolong.setlhangwa - tsela e motlhaeletsi a e dirisang go tlhagisa kgotsa go fetisa tshedimosetso jaaka: go kwala, bua, leba, supetsa jj.
setshwano sa popego - ka mo selo se bopegileng ka teng.setifikeiti sa thuto le katiso e e tswelelang (STKE) - lokwalo lo lo amogelwang morago ga go wetsa sekgamusa Thuto le Katiso e e Tswelelang.
tebokakaretso - thadisokakaretso kgotsa tshobokanyo ya sengwe.tebo ya matlho - go bua le go buisa o ntse o lebelela bareetsi mo matlhong.tekanyetso - puo, kitso, bokgoni, le boitshwaro tse moithuti a tshwanetseng go di ithuta le go di dira/supetsa tsa kwa bofelong jwa kereiti e e rileng.tekanyetso e e tswelelang - ke tekanyetso e e tsweletseng e e rotloetsang tswakanyo ya tekanyetso mo goruteng le mo go goleng ga baithuti ka tsela e e tsweletseng ka go itsise tiragalo.tekanyetso - tiragalo e e rulagantsweng e e tswelelang ya go kokoanya tshedimosetso ka ga bokgoni jwamoithuti, jo bo lekanyeditsweng go ya ka Maemo a Tekanyetso.
thadiso - go neela ka tlhaloso ya mongwe, sengwe kgotsa tiragalo ka mokgwa wa go kwala kgotsa go bua.
thelelo - go buisa ka maikutlo a a maleba le diteng, lentswe le segalo di nyalelana e bile melao ya puiso yotlhee nepagetse.thesorase - bukafoko ya makaelagongwe le malatodi.tomagano - dikakanyo tse di tlhalosegang ka dikarolwana tsa tsone tsa go tlhalosa kgotsa go dira sengwe.thôôthôô - ga nnete, se e leng sona tota.thuto e e kwa godimo - kgato ya thuto e e tlang morago ga Kereiti ya 12. E ka ithutiwa kwa diyunibesithing le kwa dithekenikoneng tseo di welang mo legatong lwa thuto e e kwa godimo.
thuto tsa boitshenkedi - setlhopha sa dithuto tse moithuti a ka di itlhophelang go tlaleletsa palo ya dithuto tsedi tlhokegang.thuto tsa motheo - setlhopha sa dithuto tse moithuti a ka ithutang tsona go ya ka tiro e a batlang go e dira fa a batla go ithutela tiro tsa kgwebo o tla tsaya dithuto tsa kgwebo.thuto tsa patelesego - setlhopha sa dithuto tse moithuti a patelesegang go di ithuta go falola kereiti.thuto ya kakaretso le katiso - dingwaga tse di lesome tsa pateletso tsa sekolo tse di akaretsang thutopotlana, thuto e e magareng le thuto e e godimo.tiisa - go kopanya manathwana a dilo jk. Dikakanyo, dintlha go bopa selo se le sengwe se se tlhaloganyegang.tikologo - maemo a a farologaneng a tiro e diragalelang mo go yona.tiragatso - ditlamorago tse di nnang teng morago ga tiro e sena go dirwa.tiriso ya puo - ka mo puo e dirisiwang ka teng go lebilwe bosemmuso, tlotlontswe, kapodiso, jj. Le gore e lebiseditswe mang, kae.tiro - tiro e e newang baithuti go e dira, e ka nna go reetsa, go bua, kwala, lebelela, tlhotlhomisa jj.tlhaeletsano - puisano ka mogala, lekwalo, seya le mowa thelebeshine le ka kokgwa mongwe le mongwe fela o o ka otlegisang kgorogo thomelo ya molaetsatlhagisa - go neela tshedimosetso ka ga sengwe kgotsa kgang.tlhama - ke sengwe se se simololwang kgotsa se se bopiwang ka maitlhomo a go fana ka tshedimosetso kgotsago dirisiwa.
Dipuo - Setswana Puotlaleletso ya Bobedi tlhamo ya kakanyo - tlhamo ya se se akantsweng/itlhametsweng se diriwa nnete.
tlhaolele ya bosemorafe, dingwaga, bong, maemo a bokgoni/tsholo - lemoga pharologano kgotsa go dirisapharologanyo go letlelela kgotsa go thibela sengwe.tlhaoletsweng - go eletsa kgotsa go laela tiriso ya sengwe mo karolong/setlhopheng/mophatong o o rileng ka nako e e rileng. Sekao; dikolo di ka elediwa kgotsa go laelwa go dirisa dibuka tse di rileng mo mephatong e e rileng ka dingwaga tse di rileng, e le go nna le taolo ya tiriso le ya tekanyetso ya tsona.tlhatlhelela - mokgwa wa go neela tshedimosetso go baithuti mo phaposing kgotsa bareetsi ka ga thuto e erileng.
tlhotlha diphoso - go sekaseka, lolamisa, go ntsha diphoso tsotlhe mo setlhangweng morago o nyalanyedintlha.tlhatlhoba/sekaseka - tlhatlhobo ka mokgwa o o rileng go bona sebopego kgotsa se tlhamilwe jang.
tlhatlhoba ka tsenelelo - bopa kakanyo ya boleng le bokao jwa sengwe.tlhatlhobo e e tswelelang - sekao sa tlhatlhobo e e rotloetsang tomagano ya tlhatlhobo mo go ruteng letswelelong ya baithuti go ya ka pegelo e e tswelelang.
tlhatlhobophitlhelelo - mofuta wa tlhatlhobo e e tlhatlhobang tswelelopele ya moithuti go neelana ka pegelo e e tla tiisang go ithuta.tlhotlheletso ka botlhale gore batho ba nne mo letlhakoreng la mmui - puo ya maitlhomo a go ngoka bathogore ba dumele se mmui a se buang ka tsela e e sa siamang.
tlhotlhomisa - go batlisisa sengwe se se sa tlhagisiwang sentle ka go buisa, botsa dipotso, lebelela jj. go se tlhalosa.tlodisa matlho - go lebelela sengwe e se ka tsenelelo /kgotsa go buisa ka bonako go bona kakanyokakaretso.tlopelo - tiriso ya mafoko a mantsi a a sa tlhokegeng.tota - go dira sengwe ka tlhamalalo; se gaisa, se nepagetsetotobetseng - bokao jo bo tlhamaletseng e bile bo kwadilwe.tsaya letlhakore (go) - go sekamela mo, kgotsa go gatelela letlhakore, kakanyo kgotsa motho yo o rileng.tsela - dintlha/ditlhokego tse di beilweng, mme di tshwanetse go fitlhelelwa ka maitlhomo a go lekanyetsa kgotsa go amogelega.
tsepameng - ntlha e e leng ya botlhokwa mo go se go buiwang ka ga sona.tshetlego - go naya karabo e e nang le mabaka a a tswang mo bopaking jo bo rileng.
<fn>Setswana FAL P1 Feb-March 2009.txt</fn>
Fa a tlogela sekolo Molatlhegi, a fitlha a ruta mo motseng wa Forera mo Gauteng. O fitlhetse go ka nna bana ba ka nna masomeasupa, le motlatsi wa monnamogolo a le mongwe. Ditiro tsa sekolo o fitlhetse di sa dirwe ka tshwanelo. Bana ba ne ba rutwa ka puo ya tšhomi go tloga kwa tshimologong.
Diphetogo tse Molatlhegi a di dirileng, bogolo go tsenya puo ya Setho, tsa ngongoregisa motlatsi wa gagwe. Motlatsi a bolelela bagolo ba bana gore mogokgo yo mošwa yo, o tlile go dia bana ba bona ka puo tsa setho. Motlatsi yo o ne a ngongorega jaana gonne a ne a sa itse puo ya Setho; o ne a bua seburu, mme le sona o ne a bua sa Bakgothu. Bagolo ba bana ba dumaduma. Kgang ya isiwa go Moruti, mme ena a e tsaya botlhofo ka a ne a sa gopole gore go na le morafe o o ka ganang fa bana ba ona ba rutwa ka segabona.
Ka Sontaga se sengwe tirelo e fela, mogogi yo mongwe a ema a re; 'Phuthego ke na le kgang.' A simolola a re; 'Bagaetsho, ke a dumela lotlhe lo setse lo utlwile selelo sa bana kwa sekolong. Bana ba lela ka mogokgo yo moša, e leng mosimane Molatlhegi. Lo a itse gore bana ba ntse ba simolola dithuto tsa bona ka go rutiwa Seengelese, jaanong o dia bana ba rona ka dipuo tse di se nang ditiro jaaka Setswana. Monna yo o rata gore bana ba rona ba boele kwa lefifing e bile ke bona gore o tloga a re ba tswale tshega. Maloba ke amogetse lekwalo la Seengelese, mme ka le neela ngwana wa me yo o tseneng mo sekolong mo tshimologong ya kgwedi e e suleng, mme le ''cat'' o ne a palelwa ke go mo mpontsha.
Bagaetsho, lo gopola gore bana ba rona ba tla bo ba itse gore ''rot'' ke peba; le go leka, ga ba kitla ba itse. Jaanong go thusa eng go tsenya bana dikolo?
Morutabana Keneilwe o fentse sekgele sa tlhokomelo ya bana kwa Boitumelo Day Care Centre kwa porofenseng ya Bokone Bophirima ka ngwaga wa 2006.
Bontsi jwa bana ba, ke masiela, bangwe ke dikhutsana. Mmuso wa Aforika Borwa o abela bana ba dijo, dikobo, diaparo le yona thuto. Thato le Thabang ke mawelana a a tlogetsweng a le dingwaga di le nne.
Lesiela ke eng?
Buisa tema e e latelang ka kelotlhoko, mme o e sosobanye ka temana e e sa feteng dintlha di le lesome ka mafoko a gago, mme bokao bo se fetoge.
Ditsela tsa rona mo Botswana di ferosa sebete ka dithini, dipolasetiki le tse dingwe dilo tse di befisang tikologo ya rona. Mme selo se se diriwa ke batho ba lefatshe la rona. Fa re le mo maetong, bontsi jwa rona re atisa go tsaya mefago le ditimalenyora go gatlha legaba le go thoba matsadi a tsela. Fela fa motho a fetsa ka senwelo, o se furunyetsa kwa kgakala, sepalamo se ntse se tsamaya. Senwelo kgotsa sejelo kana sejewa, se bo se ya go nna segwapa mo tseleng. Go dira jaana, ga se se se ka bidiwang botswerere kgotsa bophepa ka gope. Go thata gore re pateletse batswakwa re re ke bone badiradilo, go a bo go dira rona Batswana. Fa batswakwa ba dira, ba a bo ba etleetsa letsema le le rebotsweng ke rona beng-gae. Maemo a a ntseng jaana a ka senya setso sa rona. Moeng fa a bona tebego e e ntseng jaana, a ka tsaya tshwetso ya gore, go raya gore Batswana ba rata go tlatsa leswe. Go gasaganya matlakala jaana, ga se go tlatsa leswe fela, dilo di tshwana le dithini, dipolasetiki, le mabotlolo, di babalela di bo di utlwisa botlhoko tikologo ya rona.
Dimilionemilione tsa baagi ba Aforika Borwa di tlhoka magae a a lebegang e bile a tlotlega.
Mafelo a a jaana, a tlhoka metsi, matloboithusetso le ona motlakase. Nako nngwe o fitlhele bagolo le bana ba robala mo kamoreng e le nngwe. Maemo a a ntseng jaana a utlwisa botlhoko mme morago motho o ipotse gore mmuso ona o dira eng?
A botlhokatiro e ka nna bona jo bo tlholang maemo a a ntseng jaana mo setshwantshong Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka?
Goreng setlhogo se, se kwadilwe ka ditlhaka tse dikgolo e bile di ntshofaditswe.
Sekerete se se mo setshwantshong se tshwantshiwa le eng Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka?
Lefoko le ''ipabalele'' le kaya segalo le maikutlo a a ntseng jang?
Mmui o dirisitse tlogelo. E nopole mme morago o neye lebaka la tiriso e.
Mosimane o tla nyelela jaaka mouwane''.
Mosimane, ''tshelo jwa gago bo mo kotsing.
<fn>Setswana FAL P3 Nov 2009.txt</fn>
Pampiri e, e na le ditsebe di le 7.
Pampiri e, e arogantswe ka dikarolo di le THARO e leng A, B le C.
Baithuti ba tshwanetse go araba potso e le nngwe go tswa mo go KAROLO A, KAROLO B le KAROLO C.
Karolo NNGWE le NNGWE e simololwe mo tsebeng e NTŠHWA mme kwa bokhutlong jwa karolo moithuti a thalele.
Tlogela mola mo magareng a dikarabo tsa gago.
Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang.
Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo.
Baithuti ba tlaa abelwa maduo a go dira lenaneo la thulaganyo le go baakanya tiro ya bona pele ba kwala.
Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 250 - 300 ka NNGWE fela ya ditlhogo kgotsa ditshwantsho tse di neilweng. Fa o dirisa setshwantsho go kwala tlhamo se neele setlhogo. O se ka wa lebala go thala letlhomeso/lenaneopaakanyo pele o kwala.
Mananeo a thelebišene a ke a ratang.
Leba ditshwantsho tse di fa tlase mme o ntshe maikutlo a gago mabapi le tsona. Tlhopha setlhogo se le sengwe fela.
Seabe se moithuti wa materiki a ka nnang le sona mo tsweletsong ya thuto mo setšhabeng.
Matshwao a ditsela ga a tlhokege mo ditseleng.
Matshwao a ditsela a tlhokega mo ditseleng.
Tshomarelo ya nako e botlhokwa mo botshelong. Re neele maitemogelo a gago a botshelo.
Ikonomi e e sa lolamang e tlisa ketsaetsego mo matshelong a rona.
Leba setshwantsho se se latelang, mme morago o ntshe maikutlo a gago ka ga sona.
Kwala tlhamo e e felelang ka mafoko a, ''Le nna ke na le seabe mo tiragalong e''.
Tshomarelo le mosola wa metsi di botlhokwa thata mo matshelong a ditshedi tsotlhe.
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. Karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 120 - 150.
Kwalela mmaagomogolo lekwalo mme o mo tlhalosetse ka moo wena le monnao le fisitseng ntlo ka teng ka ntlha ya go omana ga lona.
Feme nngwe e e rekisang dikhomphutara e phasaladitse tiro ya morekisi yo o nang le maitemogelo mo go yona. Kwala lokwaloikitsiso/maikao lo mo go lona o ikopelang phatlhatiro eo.
Buisa molaetsa o o latelang, mme morago o kwale tsa Botshelo jwa moswi o ikaegile ka ona.
Tsala ya me, ke tla go gopola!
Buisa molaetsa o o latelang, mme morago o kwale mmemorantamo.
Baithuti ba kobilwe mo sekolong ka ntlha ya go sa duele madi a sekolo.
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. Karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 80 - 100. Fa o araba 3.3, mametlelela foromo mo pampiring ya gago ya dikarabo.
Thalela tsala ya gago karata ya taletso ya moletlo o o tsamaelanang le setshwantsho se se fa tlase.
Borre ba motse wa lona ba rata go simolola go tlhokomela tikologo ya lona kgatlhanong le dinokwane. Jaanong kwala phasalatso e mo go yona o ngokang baagi go kgatlhegela dikakanyo tse.
O bone tiro kwa lebenkeleng le le rekisang dibuka, jaanong ba go romeletse foromo e e latelang go e tlatsa. E tlatse mme morago o e romele.
Leina le sefane...
Letsatsi la botsalo...
Nomoro ya Lokwaloitshupo...
Aterese ya gago...
Khoutu ya Poso...
Nomoro ya mogala ya kwa gae...
Nomoro ya mogala wa letheka...
Nomoro ya mongwe wa lesika...
Leina la sekolo sa bofelo...
Leina la Mogokgo...
Nomoro ya mogala...
Araba dipotso tse di latelang 12 - 15 ka 'Ee' kgotsa 'Nnyaya!'
A o itekanetse..?
Lekwalo la go kgweetsa...
Letlha la tshaeno...
Lefelo la tshaeno...
<fn>Setswana FAL P3.txt</fn>
Pampiri e, e arogantswe ka dikarolo di le THARO e leng A, B le C.
Baithuti ba tshwanetse go araba potso e le nngwe go tswa mo go KAROLO A, KAROLO B le KAROLO C.
Karolo nngwe le nngwe e simololwe mo tsebeng e ntšhwa mme kwa bokhutlong jwa karolo moithuti a thalele.
Tlogela mola mo magareng a dikarabo tsa gago.
Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang.
Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo.
Baithuti ba tla abelwa maduo a go dira lenaneo la thulaganyo le go baakanya tiro ya bona pele ba kwala.
Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 250 - 300 ka NNGWE fela ya ditlhogo kgotsa ditshwantsho tse di neilweng. Fa o dirisa setshwantsho go kwala tlhamo se neele setlhogo.
Sekaseka setshwantsho se se fa tlase, mme o tlhagise se se diragalang mo malapeng a rona ka metlha fa re lebeletse thelebišene. Anela ka mabaka a a utlwalang.
Leba ditshwantsho tse di fa tlase mme o ntshe maikutlo a gago mabapi le tsona.
E e mašwi ga e itsale.
Puso e dira sentle ka go tlamela bana ka madi. Dumela kgotsa o ganetse setlhogo se.
Kwala mmuisano magareng ga moruti le modirelaloago mabapi le nyalano ya batho ba bong bo le bongwe.
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. Karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 120 - 150.
O mogokgo wa sekolo. Kwalela batsadi lekwalo la semmuso o ba bolelele ka ga botlhokwa jwa go duela madi a sekolo.
Lokwaloikitsiso o lo romelele setlamo seo.
Kwalela Mookamedi wa Lefapha la Thuto memorantamo o mo go ona o ngongoregang ka ga go rutwa ka puo ya gae mo dikolong.
O leloko la mokgatlho wa bašwa wa kereke ya Lutere. Le le mokgatlho le tshwentswe ke tiriso e e botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi ka bašwa ba motse wa lona. Kwala pegelo ka dingongorego tsa lona le se se ka dirwang.
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. Karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 80 - 100.
Ka o le moeteledipele wa lekgotla la baithuti, o kopilwe ke mogokgo go dira mmogo le barutabana-bagolo ba sekolo go tlhama melao e e tla latelwang ke baithuti fa go iwa motantshong wa materiki. Kwala melao eo.
Bomogoloo, jaaka fa o le gofejane ba go solofeditse moletlo o mogolo fa o ka falola ditlhatlhobo tsa materiki. Thala le go itirela karata ya taletso e o tla laletsang ditsala tsa gago go tla moletlong.
Rre rraago o batla go rekisa sejanaga. Mo thuse go kwala phasalatso ya papatso ya sejanaga seo go ngoka kgatlhego ya bareki.
<fn>Setswana HL P1 Prep Memo 2008.txt</fn>
Memorantamo o, o na le ditsebe di le tlhano 4.
Go ne go romelwa batho ba ba tsamayang sekgala se seleele, mme ba robala fa ba phirimelelwang teng.
Motho ga a kgone go o dirisa gongwe le gongwe ka ntlha ya dithapo tsa ona tse di golagantsweng mo leboteng.
Motho o kgona go amogela molaetsa gongwe le gongwe fa a leng teng.
Gonne dibanka ke mafelo a a dirang ka madi a mantsintsi. Go dirisa mogala mo bankeng go ka tlisa dipelaelo tsa maano a ditiro tsa bosenyi.
Ee, O ka romela kgotsa go amogela molaetsa wa inthanete. / O ka gokelelwa mo thelebisening mme wa tlhagisa ditshwantsho / O ka o dirisiwa jaaka thelebišene go bogela manaane a motho a a ratang.
Go batla go bonala ba le maatla ipusolosetso.
(b) Batho ba ba bolayang malapa a bona ba bo ba ipolaya Bommatsale ba ba sotlang betsi ba bona / Batho ba ba sotlang bomme, basetsana le masea.
Ee, gonne borre le basimane le bona ba a gobelelwa / sotlwa.
Motho mongwe le mongwe a nne le tshwetso le ponelopele ya go dira dilo ka botswerere. Nna le thulaganyo ya letsatsi lengwe le lengwe. Thala lenaneo la maikaelelo a gago. Baakanya didiriswa tsa gago. Netefatsa gore o na le didiriswa tse di tshwanetseng. Dira go le gontsi ka go le gonnye le ka se se tlhokegang. Tota maikarabelo a gago le fa go na le mathata. Lekola kungo ya gago. Ipotse gore a o dira ka natla. Supa botlhami le go akanya mekgwa e e botoka ya go dira dilo. Dirisa botlhale jwa gago go na le go dirisa maatla thata. Nna sekao mo go badirammogo. Somarela didiriswa le nako. Nna karolo e e botlhokwa ya katlego ya naga ya lona.
Kaedi ya go tshwaya.
Modise o tsere dibuka di le pedi mo go tse tlhano tseo.
Kedisaletse o apara sentle fa a ya kobamelong.
Ke mmoleletse gore a se goroge thari ka moso.
Mosadimogolo o rata go fodisa dijo pele a jesa ngwana.
Ngwana yo o tlhogokgolo o sira rraagwe.
o gopole motlhang malata a ile.
Gore e ngoke/ go tlhagisa molaetsa o o botlhokwa mo go mmuisi mme a tle a tsiboge.
Botlhokwa jwa puso ya bosetšhaba.
Ee, puso ya porofense le puso ya selegae di ka fa tlase ga puso ya bosetšhaba mme setshwantsho se kaya jalo.
Bogolo jwa ditlhaka/go ntshofadiwa ga ditlhaka/bogolo jwa ditshwantsho tsa batho/letshwao la kgakgamalo kgotsa letshwaotsiboso tsa puso ya bosetšhaba di feta tsa puso ya porofense le tsa puso ya selegae.
<fn>Setswana HL P3 Feb-March 2009.txt</fn>
Pampiri e, e arogantswe ka dikarolo di le THARO e leng A, B le C.
KAROLO YA A: Tlhamo.
KAROLO YA B: Ditlhangwa tse dileele tsa tirisano gammogo le ditlhangwa tse di dirisang mekgwa e e farologaneng ya tlhaeletsano.
KAROLO YA C: Ditlhangwa tse dikhutshwane tsa tirisano/tshupetso/ tshedimosetso/pono/gammogo le ditlhangwa tse di dirisang mekgwa e e farologaneng ya tlhaeletsano.
Baithuti ba tshwanetse go araba potso e le NNGWE go tswa mo karolong nngwe le nngwe.
Karolo nngwe le nngwe e simololwe mo tsebeng e ntšhwa mme kwa bokhutlong jwa karabo moithuti a thalele.
Tlogela mola mo magareng a dikarolo tsa gago.
Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang.
Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo.
Baithuti ba tla abelwa maduo a go dira lenaneo la thulaganyo, go tsereganya le go buisa tiro ya bona pele ba araba dipotso.
Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 400 - 450 ka NNGWE fela ya ditlhogo kgotsa ditshwantsho tse di neilweng. Fa o dirisa setshwantsho go kwala tlhamo, o neele setlhogo.
Leba setshwantsho se se fa tlase, se se farologanyang mokgwa wa go ruta wa maloba le wa segompieno. Anela mme o bontshe maikutlo a gago mabapi le sona.
Itlhome o le mokwadi yo o tshelang mo dingwageng tse di 20 tse di tlang. Kwala tlhamo e e tlhalosang botshelo mo lefatsheng ka ngwaga wa 2029.
Go dumelela baithuti ba ba imileng mo dikolong go siame. Dumela kgotsa o ganetse setlhogo, mme o neele mabaka a a utlwalang.
Fa nka nna Ratoropo wa motse wa gaetsho.
Khutsana ke e e se nang mmaayo.
Ditiragalo tsa maloba di nnile le seabe mo matshelong a rona. Kwala tlhamo ka ga tiragalo nngwe e e fetileng, mme o bontshe ka fa e nnileng le seabe ka teng mo matshelong a rona.
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. Karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 180 - 200 (diteng fela).
Sekaseka setshwantsho se se latelang, mme morago o kwalele Tona ya Lefapha la Pharakano lekwalo gore go tokafadiwe maemo a bapalami ba dithekisi ba iphitlhelang ba le mo go ona.
Palo ya baithuti ba ba gogang diritibatsi mo sekolong sa lona e thiba letsatsi. Jaaka o le moeteledipele wa baithuti o kopilwe ke mogokgo go ema baithuti ka lefoko mabapi le se se renang mo sekolong. Kwala puo e o tla neelanang ka yona go baithuti.
O mokwaledi wa mokgatlho wa bašwa mo tikologong ya gaeno. Kwala lenaneotema le metsotso ya kopano ya mokgatlho wa bašwa e e neng e tshwerwe fa gautshwane mabapi le go kokoanyetsa dikhutsana tse batsadi ba tsona ba gaitsweng ke bolwetse jwa lebolelamading madi a sekolo, diaparo le dijo.
Lefapha la Setso le Botaki mo kgaolong ya lona le phasaladitse tiro e ka yona le eletsang go thapa motho yo o ka tlang go simolola lefelo la kgodiso ya ditso tse di farologaneng, go lebilwe meaparo, meetlo le meano ya tsona. Go ya ka ditlhokego tse di tlhagisitsweng o lemogile fa o le maleba mo tirong e. Kwala lekwaloikitsiso (maikao) la gago, mme o ba romelele lona fa o ikopela tiro e.
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. Karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 100 - 120.
Leba setshwantsho se se latelang, mme o kwale bukatsatsi e mo go yona o tlhagisang se se neng se diragala mo malatsing a le matlhano a loeto lwa lona lwa kwa Kapa.
Wena le ditsala tsa gago le ipopile ngatana, mme le simolotse kgwebopotlana ya go tlhatswa dikoloi tsa barutisi mo sekolong sa lona. Kwala kitsiso e e tla phasaladiwang (flyer) e mo go yona o itsiseng barutisi le go ba gogela mo go diriseng kgwebo ya lona.
Morago ga go rola tiro, rre rraago o ne a reka setsha kwa go nngwe ya dipolase tse di mo tikologong ya gaeno. Ke keletso ya gago gore tsala ya gago ya bonyana e go jele nala ka malatsi a dipogiso tsa Morena, mme ga a itse kwa le fudugetseng teng. Fana ka tshedimosetso ya tsela e e tla mo kgontshang go fitlha kwa polaseng ya gaeno.
<fn>Setswana HL P3 Nov 2008.txt</fn>
Pampiri e, e na le ditsebe di le 6.
Pampiri e, e arogantswe ka dikarolo di le THARO e leng A, B le C.
KAROLO YA B: Ditlhangwa tse dileele tsa tirisano gammogo le ditlhangwa tse di dirisang mekgwa e e farologaneng ya tlhaeletsano.
KAROLO YA C: Ditlhangwa tse dikhutshwane tsa tirisano/tshupetso/ tshedimosetso/pono/gammogo le ditlhangwa tse di dirisang mekgwa e e farologaneng ya tlhaeletsano.
Baithuti ba tshwanetse go araba potso e le NNGWE go tswa mo karolong nngwe le nngwe.
Karolo nngwe le nngwe e simololwe mo tsebeng e ntšhwa mme kwa bokhutlong jwa karabo moithuti a thalele.
Tlogela mola mo magareng a dikarolo tsa gago.
Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang.
Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo.
Baithuti ba tla abelwa maduo a go dira lenaneo la thulaganyo, go tsereganya le go buisa tiro ya bona pele ba araba dipotso.
Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 400 - 450 ka NNGWE fela ya ditlhogo kgotsa ditshwantsho tse di neilweng. Fa o dirisa setshwantsho go kwala tlhamo, o neele setlhogo.
Leba setshwantsho se se fa tlase, mme morago o kwale tlhamo ka ga sona.
Ka tlhagolela mookana ya re o gola wa ntlhaba.
Go itseela molao mo matsogong ga baagi go otlhaya disenyi go siame. Dumela kgotsa o ganetse setlhogo, mme o neele mabaka a a utlwalang.
Fa ba ka ntlhopha go nna Moporesitente wa Aforika Borwa.
Leba setshwantsho se se latelang, mme o tlhalose se se se tlhagisang.
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. Karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 180 - 200 (diteng fela).
Sekaseka setshwantsho se se latelang mme morago o kwalele molaodi wa Molao le Tolamo lekwalo gore go tokafadiwe melao le kotlhao ya disenyi tse di etegelang mo nageng.
Go phasaladitswe tiro ya mogokgo kwa sekolong se o dirang mo go sona. Jaaka motlatsamogokgo, kwala lekwaloikitsiso le o tla le romelang gammogo le kopo ya gago ya tiro e.
Dikotsi tsa tsela di kgaola matshelo a bapalami le batsamayakadinao, ka ntlha ya kgweetso e e botlhaswa le nnotagi. Kwalela molaodimogolo kgotsa Tona ya Pabalesego le Tshireletso memorantamo o mo go ona o ngongoregelang se.
O mokwaledi wa mokgatlho wa bašwa mo tikologong ya gaeno. Kwala lenaneotema le metsotso ya kopana ya mokgatlho wa bašwa e e neng e tshwerwe fa gautshwane mabapi le petelelo e e tsentseng letsogo ya masea le bana.
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. Karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 100 - 120.
O nnile le malatsi a a sa jeseng diwelang ka ntsalao a ne a tseelwa mogala wa letheka (selula) le go bolawa setlhogo ke setlhotshwana sa basimane fa a ne a tswa ikatisong ya mmino wa bašwa mo tikologong ya gaeno. Kwala bukatsatsi e mo go yona o anelang ditiragalo tsa malatsi a le matlhano, go simolola Labobedi o a bolailweng ka ona go fitlha Lamatlhatso o a neng a bolokwa ka ona.
O modiri mo setlamong sengwe se se neelang baithuti ba Materiki dibasari. Kwalela Tlhogo ya Lefapha la Dipuo la sekolo sengwe tshedimosetso ya tsela ya go tla kwa dikantorokgolong tsa setlamo sa gago ka baithuti bangwe ba gagwe ba tlhophilwe go tla dipotsotherisanong gona.
O morekisi wa merogo le maungo mo kgaolong ya lona. Kwala kitsiso e e tla phatlaladiwang e mo go yona o itsiseng batho ka ga kgwebo ya gago.
<fn>Setswana Home Language.txt</fn>
Buka e e arogantswe ka dikgaolo di le nne. Go botlhokwa gore mmuisi a buise a bo a lomaganye tshedimosetso go tswa mo dikarolong tse di farologaneng tsa tokomane e.
Kgaolo e, e tlhalosa metheo le diponagalo tsa kagego tsa Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso). E fa mmuisi matseno a kharikhulamo.
Kgaolo e, e naya tlhaloso, maitlhomo, boanamo, dikgolagano tsa dithuto, ditiro le Dipoelo tsa go Ithuta tsa Lekala la go Ithuta la Dipuo. E naya tshedimosetso e e baakanyetsang pegelo ya Dipuo.
Kgaolo e, e tsentse Maemo a Tekanyetso a Poelo nngwe le nngwe ya go Ithuta, ga mmogo le diteng le maemo a serutwa. Maemo a Tekanyetso a rulagantswe go thusa mmuisi go bona tsweletso e e ikaeletsweng go tloga mo Kereiting ya 10 go ya go Kereiti ya 12. Ka jalo Maemo a Tekanyetso a adilwe go anama ditsebe tse pedi. Kwa bofelong jwa kgaolo go diteng le maemo a go fitlhelela Maemo a Tekanyetso a a tshitsinngwang a a ka dirisiwang go ruta, go ithuta le go fitlhelela Maemo a Tekanyetso.
Kgaolo e e tshwaragane le ditsela tsa tekanyetso ka kakaretso tse di tlhagisiwang ke Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba. Kwa bofelong jwa kgaolo e go na le letlhomeso la Tlhaloso ya Bokgoni jwa thuto jwa serutwa se se totobaditsweng. Letlhomeso le na le khoutu, sekale le tlhaloso ya bokgoni ya kereiti nngwe le nngwe. Ditlhaloso tsa Bokgoni di rulagantswe ka tsela e e tla dirang gore mmuisi a kgone go bona tsweletso go tswa mo Kereiting ya10 go ya go ya 12.
Matshwao a a latelang a dirisiwa go bontsha Dipoelo tsa go Ithuta, Maemo a Tekanyetso, dikereiti, dikhoutu, dikale, Ditlhaloso tsa Bokgoni, diteng le bokao.
Kamogelo ya Molaotheo wa Rephapoliki ya Aferika Borwa (Molao 108 wa 1996) e neela motheo wa phetogo le kgodiso ya kharikhulamo mo Aferika Borwa.
aga motheo wa morafe mo temokerasing le kgololosego ya puso, e e ikaegileng ka keletso tsa batho e bile baagi botlhe ba a sireleditswe ke molao ka go lekalekana; le go aga Aferika Borwa yo o kopaneng wa temokerasi e bile a kgona go ikemela ka nosi mo ditphabeng tse dingwe.
Go ya ka molaotheo o, 'mongwe le mongwe o na le ditshwanelo tsa go tsweletsa thuto e puso e tshwanetseng go dira gore e fitlhelelwe ka botlalo'.
Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e aga motheo wa go atlegisa maikaelelo a, ka go tlhagisa Dipoelo tsa go Ithuta le Maemo a Tekanyetso, le ka go tlhalosa metheo tota ya boleng jo bo tshegeditseng kharikhulamo.
go fa thulaganyo ya kitso ya tlholego boleng; le ikanyego, boleng le nonofo.
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aferika Borwa o aga motheo wa phetogo ya loago mo setphabeng ka go baakanya ditlamorago tsa tlhaolele. Maitlhomo a setphaba sa Aferika Borwa ka go dirisa mekgwa e e rileng ya go lere diphetogo a tswa mo ditlhokegong tsa go siamisa ditshiamololo tse di tlhodilweng ke kgethololo mo mabakeng otlhe a setho, bogolo jang mo thutong. Thuto mo phetogong ya loago e ikaeletse go baakanya go sa lekalekaneng mo thutong mo nakong e e fetileng, go lebelelwe, le gore ditphono tse di lekalekanang tsa thuto di fiwa batho bothe. Go fitlhelela phetogo ya tshedisano, baagi ba Aferika Borwa ba tshwanetse go newa dithata tsa thuto ka go lemoga bokgoni jwa bona le go tlosa maparego a maitirelo go fitlhelela borutegi jo bo rileng.
Thuto ya dipoelo e aga motheo wa kharikhulamo ya Aferika Borwa. E leka go kgontsha baithuti botlhe go fitlhelela bokgoni jo bo kwa godimo jwa go ithuta ka go tlhoma Dipoelo tsa go Ithuta tse di tshwanetseng go fitlhelelwa kwa bofelong jwa tsamao ya thuto. Thuto ya Dipoelo e rotloetsa ditsela tsa thuto tse di itshetlegileng ka baithuti le tse di itshetlegileng ka ditiro. Pegelo ya Karikhulamo ya Bosetphaba e bopa Dipoelo tsa go Ithuta tsa yona tsa Dikereiti tsa 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) go tswa go Dipoelotsenelelo le Dipoelotlhabololo tse di tlhotlheleditsweng ke Molaotheo le go bopiwa ka tsamaiso ya temokerasi.
dirisa bonetetshi le thekenoloji ka nonofo le ka tsenelelo go supa maikarabelo mo tikologong le boitekanelong jwa ba batho bangwe; le go bontsha go tlhaloganya fa lefatshe e le ngata e le nngwe ya ditsamaiso tse di golaganeng le go lemoga gore tharabololo ya mathata ga e diragale ka bojosi.
tlhotlhomisa ditphono tsa thuto le tiro; le go godisa ditphono tsa kgwebopotlana.
Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Kereiti ya 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e ikaelela go godisetsa maemo a kitso le a bokgoni jwa moithuti kwa godimo. E baya maikaelelo a a kwa godimo a baithuti ba Aferika Borwa ba ka a fitlhelelang ka tshiamiso ya semorafe go lekwa gore batho bangwe bao ba neng mo nakong e e fetileng ba tlhoka kitso le bokgoni ba akarediwe. Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba e totobatsa maemo a bonnye jo bo tlhokagalang jwa kitso le bokgoni jo bo tshwanetseng go fitlhelelwa mo kereiting nngwe le nngwe, le go baya maemo a a fitlhelesegang a a kwa godimo mo dithutong tsotlhe.
Tsenyeletso e fitlhelelwa gotlhe mo dirutweng le mo mafapheng a go ithuta. Tsenyeletso ya kitso le bokgoni go akaretsa dirutwa le mafelo a thuto e botlhokwa mo go fitlheleleng bokgoni jwa go dira jaaka di tlhalosiwa mo Letlhomesong la Taolo ya Borutegi la Bosetphaba. Bokgoni jwa tiro bo ikaeletse go tswakanya mekgwa e le meraro ya bokgoni e e itlhaotseng - e bong, bokgoni jwa tiro ya diatla, motheo le jwa kakanyo. Ka go tsaya tsenyeletso le bokgoni jo bo dirisiwang, Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go ithuta ka kakaretso) e batla go godisa tsenyeletso ya go ithuta tiori, tiro ya diatla le kakanyo.
Tsweletso ke tsela ya go godisa go ya pele kitso e e boteng le bokgoni jo bo kwa godimo. Dipegelo tsa Dirutwa di bontsha tsweletso go tswa mo kereiting e e rileng go ya go e nngwe. Poelo ya go Ithuta nngwe le nngwe e latelwa ke pegelo e e itlhalosang ka ga maemo a go dira a a lebeletsweng ka Poelo thuto. Maemo a Tekanyetso a rulagantswe ka mokgwa o o bontshang kgolo ya maemo a a oketsegang mo kereiting nngwe le nngwe. Diteng le maemo a kereiti nngwe le nngwe di tla bontsha tsweletso e e simololang e le bonolo mme e oketsege go nna marara.
Kamano e kaya botsalano gareng ga borutegi mo maemong kgotsa mo dikgatong tse di farologaneng tsa Letlhomeso la Taolo ya Borutegi la Bosetphaba ka ditsela tse di rotloetsang phitlhelelo go tswa mo boruteging jo bo rileng go ya go jo bongwe. Seno se botlhokwa thata mo boruteging jo bo welang mo karolong e le nngwe ya dithuto tse di rileng. Ka ntlha ya gore sekgamu sa Thuto le Katiso e e Tswelelang se thaetswe fa gare ga dikgamu tsa Thuto le Katiso e e Akaretsang gammogo le Thuto ya Boemo-Godimo, go botlhokwa gore Lokwalo lwa Thuto le Katiso e e Tswelelang (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) le amane le Lokwalo lwa Thuto le Katiso e e Akaretsang le borutegi mo ditseleng tseo di tshwanang le tsa go ithuta tsa Thuto ya Boemo-Godimo. Go atlega mo go fitlheleleng kamano e, kgolo ya Pegelo ya Serutwa sengwe le sengwe e akareditse go leba ka tsenelelo, tebelelo ya boemo jo bo kwa godimo jwa fa baithuti ba fetela pele go tswa mo lokwalong boruteging jwa thuto le katiso, gammogo le kitso e go solofetsweng gore e tla bo e fitlheletswe ke baithuti fa ba fetela kwa ditheong tsa thuto e e kwa godimo.
Phetolelo ya dithuto e kaya go anama ga dikarolo tsa borutegi (serutwa kgotsa maemo a motheo) ka mo di ka fetisetswang go tswa go borutegi jo bongwe go ya go jo bongwe ka ditsela tse di farologaneng tsa go ithuta tsa kgato ya Letlhomeso la Taolo ya Borutegi la Bosetphaba. Mo maitlhomong a go oketsa phetolelo ya dithuto tse di bonweng mo dikereiting tsa 10 - 12 le mekgwa ya go tsaya serutwa jaaka maemo a motheo a yuniti ya dikerediti di le 20 a tlhotlhomisitswe. Ditiro tse di tsentsweng mo Pegelong ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti tsa 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) di bapisega le maemo a motheo a yuniti a a maleba a a kwadisitsweng mo Letlhomesong la Taolo ya Borutegi la Bosetphaba.
Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e batla go rotloetsa ditshwanelo tsa botho, boakaretsi, bosiamisi jwa loago le bosiamisi jwa tikologo. Dipegelo tsa Dithuto tsotlhe tse di bopilweng sepwa, di tsenyeleditswe le metheo le ditlwaelo tsa bosiamisi jwa loago le tikologo le ditshwanelo tsa botho jaaka di ranolwa mo Molaotheong wa Rephaboliki ya Aferika Borwa. Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e na le tshisimogo mo mabakeng a dipharologantsho jaaka botlhoki, go sa lekalekane, lotso, bong, puo, kgolo, bogole le mabaka a mangwe.
Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e tsaya mokgwa wa boakaretsi ka go totobatsa ditlhokego tsa bonnye jo bo lebeletsweng mo baithuting botlhe. E amogela gore baithuti botlhe ba ka kgona go gola le go fitlhelela bokgoni jo bo tletseng jwa bone fa e le gore ba tla neelwa tshegetso e e tlhokagalang. Ditlhokego tse tota e leng tsa botlhale, bomorafe, maikutlo, semowa le tsa mmele tsa baithuti di tla lebelelwa ka go aga le go godisa Manaane thuto a a maleba, le ka go dirisa didiriswa tse di maleba tsa go lekanyetsa.
Ka dingwaga tsa bo 1960 tiori ya botlhalebontsi e ne ya pateletsa boradithuto go lemoga gore go ditsela di le dintsi tsa go fetisa kitso gore o kgone go tlhaloganya tsa lefatshe, le gore, fa mongwe a tshwanela go tlhalosa botlhale sepwa, a tshwanetse go tsaya ditsela tse di farologaneng tse tsia. Go fitlha ka nako eo, ba mafatshe a a tlhabologileng pele ba ne ba tsaya gore bokgoni jwa go akanya, kitso ya dipalo, le bokgoni jo bo rileng jwa dipuo, le go kaya fa batho ba le "botlhale" fela fa ba itse go dirisa ditsela tse go na le boleng. Jaanong, batho ba lemoga dipharologano tse di anameng tsa thulaganyo ya kitso tse ka tsona batho ba tlisang tlhaloso ka tsona, le go golaganya bokao mo lefatsheng le ba tshelang mo go lona. Dithulaganyo tsa kitso ya tlholego mo maemong a Aferika Borwa, di kaya kitso e e tseneletseng mo kakanyong ya filosofi ya Aferika le ditiragatso tsa semorafe tse di nnileng teng mo dingwageng di le dikete tse di fetileng. Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e akareditse kakanyo ya Thulaganyo ya Kitso ya Tlholego mo teng ga Dipegelo tsa dirutwa. E amogela gore naga rona e humile ka ditiragalo le boswa jaaka di nnile le seabe mo go dingwao tse di tsentsweng mo Molaotheong. Dintlha di le dintsi tse di farologaneng di akareditswe mo go kgonagalang go thusa go rarabolola mathata a a ka tswang a le gone mo dirutweng tsotlhe.
Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e ikaelela go atlega mo ikanyegong ka go leka go fitlhelela lenaanetsamaiso la diphetogo le ka go neelana ka thuto e e bapisegang ka boleng, bophara le boteng le ya dinaga tse dingwe. Netefatso ya boleng e tshwanetse go diragatswa go ya ka ditlhokego tsa Molao wa Lekgotla la Taolo ya Borutegi la Aferika Borwa (Molao wa 58 wa 1995), Melawana ya Netefatso ya Boleng ya Thuto le Katiso, le Molao wa Netefatso ya Boleng ya Thuto le Katiso e e Tswelelang (Molao wa 58 wa 2001).
Selo se se leng botlhokwa thata mo kgolong ya rona jaaka batho, ke ditlwaelo tse di nayang bokao jwa semowa le botlhale mo loetong lwa botshelo.
Mofuta wa moithuti yo o lebeletsweng ke yo o tla tlhotlheletswang ka tsela e e siameng ka boleng le go dira go ya ka dikgatlhego tsa morafe, go ikaegilwe ka go tlotla temokerasi, tekatekanyo, tlotlo ya botho, le bosiamisi jwa loago jaaka di rotloediwa mo Molaotheong.
Moithuti yo o tswang mo Sekgamung sa Thuto le Katiso e e Tswelelang o tshwanetse gore a bontshe le phitlhelelo ya Dipoelotsenelelo le Dipoelotlhabololo tse di kwadilweng pelenyana mo lokwalong lo. Dirutwa tsa Konôkonô, di rotloetsa phitlhelelo ya Dipoelotsenelelo le Dipoelotlhabololo ka kopanelo, fa dirutwa tse di rileng tsa dithuto tsa Motheo le tse di ikgethelwang nngwe le nngwe, e rotloetsa phitlhelelo ya Dipoelotsenelelo le Dipoelotlhabololo tse di rileng.
Barutabana botlhe le boradithuto ba bangwe ke baabi ba bagolo ba phetogo ya thuto mo Aferika Borwa. Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e batla barutabana ba ba nang le makwalo a go ruta, bokgoni, boineelo le tlhokomelo. Fa ba na le tsotlhe tse, ba tla kgona go diragatsa ditiro tsa mefuta tse di kwadilweng mo lokwalong lwa Phitlhelelo le Maemo a a amogelesegang a Boradithuto. Seno se akaretsa go nna batsereganyi ba thuto; bafetoledi le batlhami ba Manaane a go ithuta le didiriswa tsa go ruta le go ithuta, baeteledipele, batsamaisi le balaodi, baithuti, babatlisisi le barutwana ba leruri, baagi ba tikologo le baagi mo nageng, baruti, balekanyetsi ba dithuto le baitseanape ba dirutwa.
Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e na le Lokwalo lwa Tebokakaretso, Letlhomeso la Pholisi ya Borutegi le Tekanyetso le Dipegelo tsa Dirutwa.
Dirutwa tse di mo Pegelong ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) di arogantswe ka mafapha a go ithuta.
Lekala la go Ithuta ke eng?
Lekala la go Ithuta ke karolo e e dirang jaaka legae la dirutwa tse di tsamaelalang e bile e atlegisa go tlhangwa ga melao e e bopang Lokwalong lwa Thuto le Katiso e e Tswelelang (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso). Kgaoganyo ya makala a go Ithuta a Dikereiti 10 - 12 e ela tlhoko kamano ya sekgamu sa Thuto le Katiso e e Akaretsang sa Thuto e Kgolo, mmogo le dikema tsa dikarologantsho mo dinageng tse dingwe.
Le fa go kwalwa ga Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e tsere mafapha a thulaganyo a le somepedi a Letlhomeso la taolo ya Borutegi la Bosetphaba jaaka ntlha ya yona ya tshimologo, go tshwanetse ga gatelelwa gore mafapha a, a thulaganyo a Letlhomeso la Borutegi la Bosetphaba ga se gore ke mafapha a go ithuta kgotsa mafapha a "kitso", mme fela a golagantswe le dikarologantsho tsa ditiro.
Bonetetshi jwa Tlhago, Dipalo, Khomputara, Bonetetshi jwa tsa Botshelo le Temothuo.
Serutwa ke eng?
Bogologolo serutwa se ne se tlhalosiwa e le karolo e e rileng ya 'kitso'ya botlhalefi. Kitso e ya serutwa e ne e gatelela go rutiwa ga kitso ya sengwe go na le thuto ka ga bokgoni, tshedisano le boitshwaro. Dirutwa di ne di lejwa ke bangwe jaaka dilo tse di sa fetogeng le go ema felo go le gongwe ka melelwane e e gagametseng. Go le gontsi, dirutwa di ne di gatelela bogolo kitso e e neng e abelwa ke ba mafatshe a Bophirima.
Mo kharikhulamong e e ikaegileng ka dipoelo jaaka Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso), melelwane ya dirutwa ga e bonale. Kitso e golaganya teori, bokgoni le boleng. Dirutwa di tsewa jaaka sengwe se se fetofetogang, le gore ka gale di tsibogela mefutafuta ya kitso, go akaretsa le kitso e bogologolo e neng e sa akaretswa mo kharikhulamong ya semmuso.
Serutwa mo kharikhulamong e e ikaegileng ka dipoelo, se tlhaloswa ka bophara ka Dipoelo tsa go Ithuta e seng fela ka diteng tsa sona. Mo Aferika Borwa, Dipoelo tsa go Ithuta di tshwanetse, go ya ka popego ya tsone, go kgontsha katlhego mo go fitlheleleng Dipoelotsenelelo le Dipoelotlhabololo. Dipoelo tsa go Ithuta di tlhalositswe ka botlalo e bile di ka diriswa ka mekgwa e e farologaneng, go neela tphono ya go akarediwa mo ditshwaelong tsa metlheng.
Poelo ya go Ithuta ke eng?
Poelo ya go Ithuta ke pegelo ya dipholo tse di ikaeletsweng tsa go ithuta le go ruta. E tlhalosa kitso, bokgoni le meetlo tse baithuti ba tshwanetseng go nna natso kwa bofelong jwa logato lwa Thuto-Tsweletso le Katiso.
Maemo a Tekanyetso ke eng?
Maemo a Tekanyetso ke ditlhokego tse mmogo di tlhalosang se moithuti a tshwanetseng go se itse le go kgona go se dira go supa phitlhelelo ya Dipoelo tsa go Ithuta mo kereiting e e rileng. Di tsentse kitso, bokgoni le meetlo e e tlhokegang go fitlhelela Dipoelo tsa go Ithuta. Maemo a Tekanyetso mo poelong nngwe le nngwe ya go Ithuta a supa tsotlhe, ka mo tsweletso ya go tlhaloganya e diragalang ka teng go tswa mo kereiting e e rileng go ya go e nngwe.
Pegelo ya Serutwa sengwe le sengwe mo Lekaleng la go Ithuta la Dipuo e na le dikgaolo di le nne le lenaanefoko la mareo.
Kgaolo 1, Kitsiso ya Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba: Kgaolo e, ya kakaretso e itsise Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso).
Kgaolo 2, Kitsiso ya Lekala la go Ithuta la Dipuo: Kgaolo e, e itsise diponagalo tsa botlhokwa tsa Lekala la go Ithuta la Dipuo. E na le tlhaloso ya serutwa, maitlhomo, boanamo, dikgolagano tsa thuto le ditiro le Dipoelo tsa go Ithuta tsa Dipuo.
Kgaolo 3, Dipoelo tsa go Ithuta, Maemo a Tekanyetso, Diteng le Bokao: Kgaolo e, e na le Dipoelo tsa go Ithuta le Maemo a Tekanyetso a a tsamaelanang le tsona mmogo le diteng le bokao go fitlhelela Maemo a Tekanyetso.
Kgaolo 4, Tekanyetso: Kgaolo e, e thadisa dintlha tsa motheo, tsa tekanyetso le go dira ditlhagiso ka go kwala le go bega ka tekanyetso. E rulagantse ditlhaloso tsa bokgoni tsa serutwa ka tatelano.
Lenaanefoko la mareo: Mo go leng maleba, go rulagantswe mareo a a tlhophilweng, a a akaretsang le a a leng maleba le dirutwa e bile a tlhalosiwa ka boripana mo kgaolong e.
Kaedi ya Lenaanethuto e tlhalosa ka botlalo boanamo jwa go ithuta le jwa tekanyetso mo dikereiting di le tharo tsa kgato ya Thuto le Katiso e e Tswelelang. Ke leano le le netefatsang gore baithuti ba atlega go fitlhelela Dipoelotsa go Ithuta jaaka di tlhaoletswe ke Maemo a Tekanyetso a kereiti e e rileng. Kaedi ya Lenaanethuto e thusa barutabana le bakwadi ba bangwe ba manaane a go ithuta go aga le go tlhama thuto ya boleng jo bo kwa godimo jwa go ruta le go ithuta, gammogo le manaanetekanyetso.
Puo ke sediriswa sa kakanyo le tlhaeletsano. Ke ka puo go tlhagisiwang pharologano ya setso le kgolagano ya bomorafe le ka mo di tlhalosiwang le go tlhamiwa ka teng. Go ithuta go dirisa puo ka nonofo go kgontsha baithuti go nagana le go bona kitso, go itlhalosa, go tlhagisa maikutlo le dikakanyo, go dirisana mmogo le ba bangwe le go tlhaloganya tulo ya bona.
Ka ntlha ya pharologano ya puo le setso mo Aferika Borwa, baagi ba yona ba tshwanetse go tlhaeletsana go sena maparego mo puong , le go rotloetsa, go tlotla le go, tlhaloganya ditso le dipuo tse dingwe. Go farologana ga dipuo tse di buiwang mo nageng e go a tlotlwa e bile go newa boleng mo molaotheong ka go nna le dipuo tsa semmuso di le somenngwe le Pholisi ya Puo mo Thutong e e rotloetsang thuto ya dipuodintsi. Baithuti ba pateletsega go akaretsa bonnye, dipuo di le pedi tsa semmuso jaaka dirutwa tsa Konôkonô, dipuo tse dingwe di ka tsewa jaaka karolo ya Motheo le/kgotsa ya tse di ikgethelwang.
Mo sekgamung sa Thuto le Katiso e e Tswelelang kitso e e tseneletseng ya puo ya gae ya baithuti e a godisiwa mme e fa ka motheo wa go ithuta dipuo tsa tlaleletso. Ka nako ya fa baithuti ba fitlha mo Kereiting ya 10, ba tla bo ba itemogetse le go tlhotlhomisa dipuo tsa tlaleletso mme ba tla bo ba setse ba dirisitse dipuo tsa tlaleletso go ithuta. Mo Sekgamung sa Thuto le Katiso e e Tswelelang kharikhulamo e naya baithuti ditphono tsa go matlafatsa le go godisa kgono ya bokgoni jwa dipuo tse dintsi. Mo tsamaong ya go ithuta, baithuti ba lebeletswe go dirisa puo ka thelelo, bokgoni le ka nepagalo mo maemong a mantsi a a farologaneng. Ba tsaya maikarabelo a magolo mo go ithuteng ga bona le go dirisa bokgoni jwa puo mo ditseleng tse di gwetlhang le tse di marara.
Mefuta e e tlhokegang ya dilitheresi tse di farologaneng, e e kgontshang go tsaya karolo ka nonofo mo setphabeng le mo mafelong o madirelo mo ekonoming ya lefatshe lotlhe ya ngwagakgolo wa some a mabedi le bongwe , e godile go gaisa go reetsa le go bua, puiso, go kwala ditlhangwa tsa segologolo go akaretsa, ditsela tse di farologaneng jaaka mefuta ya tlhaeletsano, kerafo, tshedimosetso, khomputara, setso le litheresi e e tseneletseng. Kharikhulamo ya Dipuo e baakanyetsa baithuti dikgwetlho tse ba tla rakanang le tsona jaaka baagi ba Aferika Borwa le maloko a baagi ba lefatshe ka kakaretso.
Atolosa le go totobatsa bokgoni jwa puo jo bo agilweng mo sekgamung sa thuto ya Thuto le Katiso e e Akaretsang, go akaretsa bokgoni jwa puo ya kgopolo e e tlhokagalang mo thutong ya botlhalefi mo kharikhulamong yotlhe, le temogo ya bontle le go itumelela ditlhangwa gore ba tle ba kgone go reetsa, bua, buisa/lebelela le go kwala/tlhagisa ka go itshepa. Bokgoni jono le maikutlo a motho ka sengwe/mongwe di bopa motheo wa thuto ya leruri.
Dirisa puo ka tshwanelo mo maemong a gale a botshelo le go tsaya tsia bareetsi, maitlhomo le bokao.
Itlhalosa le go netefatsa dikakanyo tsa bona, ditebo le maikutlo ka go itshepa, go ikemela le go nna batho ba ba naganang ka tsenelelo.
Dirisa puo le boikakanyetsi jwa bona go emela le go tlhotlhomisa maitemogelo a botho. Ka go mekamekana le mefuta e mentsi e e farologaneng ya ditlhangwa, baithuti ba kgona go akanya ka botshelo le maitemogelo a bona le go nna le dikakanyo tse di farologaneng mo botshelong.
Dirisa puo go fitlhelela le go laola tshedimosetso e le go ithuta mo kharikhulamong yotlhe le mo bokaong jo bontsi jo bo farologaneng. Litheresi ya tshedimosetso ke bokgoni jo bo botlhokwa mo 'dingwageng tsa boamogelakitso' le go bopa motheo wa thuto ya leruri.
Dirisa puo jaaka sediriswa sa go akanya ka tsenelelo le ka boitlhamedi. Maitlhomo a, a lemoga gore kitso e bopiwa mo loagong ka botselaganyi gareng ga puo le boakanyi.
Tlhagisa dikakanyo tse di akantsweng sentle ka dintlha tsa dingwao le meetlo. Go aga meetlo ya bona, baithuti ba mekamekana le ditlhangwa tse di amang ditshwanelo tsa botho le maikarabelo jaaka ditshwanelo tsa bana, basadi, digole, batsofe le dintlha tse di amanang le bomorafe, setso, kakanyo e e rileng, maemo, ditumelo, bong, lebolelateng le mogare wa lebolelateng, kgololosego ya puo, tlhatlhobo ya ditlhangwa le tikologo.
Mekamekana ka tsenelelo le mefuta e mentsi e e farologaneng ya ditlhangwa. Baithuti ba tla lemoga le go gwetlha dikakanyo tsa batho ba bangwe, meetlo le tlhotlheletso ya maemo a motho tse di fitlhelwang mo ditlhangweng.
Lemoga go sa lekalekaneng ka maemo ga mefuta e e farologaneng ya dipuo le ditiriso tse di farologaneng tsa dipuo. Baithuti ba tla kgona go gwetlha tiriso ya puo e le nngwe e e rileng go gaisa tse dingwe le go dirisa ditshwanelo tsa bona tsa puo mo boaging jwa fa go buiwang dipuo di le dintsi.
Go ruta le go lekanyetsa dipuo go tshwanetse go neela tphono ya boakaretsi jwa baithuti botlhe, mme ditsela tsa go thusa baithuti botlhe di tshwanetse go bonwa di fitlhelela kgotsa di tlhagisa ditlhangwa tsa puo. Baithuti bangwe ba ba itemogelang dikgoreletsi ba ka se kgone go fitlhelela Maemo a Tekanyetso mangwe jaaka a neetswe mo Pegelong ya Kharikhulamo ya Bosetphaba.
Mareo, 'tlhalosa', 'anela', 'bua ka ga', boeletsa',' kwalolola ka mafoko a gago', 'bua', 'botsa' le 'tlotla' a tshwanetse go tlhaloganngwa jaaka a akaretsa mefuta ya tlhaeletsano ya molomo le eo e seng ya molomo, go akaretswa le tlhaeletsano ya matsogo le didiriswa tsa tlhaeletsano. Lefoko 'tlhaeletsano ya molomo' le akaretsa tlhaeletsano ya matsogo le didiriswa tsa tlhaeletsano. Fela jalo, lefoko 'puo ya molomo' le akaretsa tlhaeletsano ya matsogo le mefuta mengwe ya tlhaeletsano.
Mareo 'reetsa', 'leba', 'buisa'le go 'lebelela', a akaretsa mefuta ya tlhaeletsano e e jaaka go lebelela dipounama fa mongwe a bua le go lebelela ka tlhokomelo puo ya matsogo.
Baithuti ba ba nang le kgolofalo ya pono ba ka tlhoka didiriswa le dikwalo jaaka Boreili, digatisamantswe, mokwalo o mogolo, didiriswa tse di ka angwang, le ditshwantsho tse di takilweng. Lereo 'bona' le ka tlhaloswa ka go diragatswa. Fa go twe 'buisa' go akaretswa metswedi e e jaaka Boreili le dibuka tse di buang.
Dipegelo tsa Dirutwa tsa Puo ya Gae, Puotlaleletso ya Ntlha le Puotlaleletso ya Bobedi di ka fetolelwa mo dipuong tse di amogetsweng tsa seeng mme dipuo tse di ka rutwa mo dikarolong tsa Motheo kgotsa tse di ikgethelwang tsa Kharikhulamo.
Puo ya Gae: Puo ya gae ya moithuti e tshwanetse go matlafatswa le go godisiwa go mo naya motheo o o tiileng wa go ka ithuta dipuo tsa tlaleletso. Mo Sekgamung sa Thuto le Katiso, e e Tswelelang dipuo tsotlhe tsa semmuso tsa Aferika Borwa di na le Dipoelo tsa go Ithuta tsa Puo ya Gae tsa boleng jo bo ka lekalekanngwang le jwa dithuto lefatsheng lotlhe. Seno se tsamaelana le ditlhokego tsa Molaotheo tsa go tsaya dipuo tsotlhe ka maemo a a lekanang. Kgato ya go tlhaloganya puo ya gae e tshwanetse go nna mo maemong a e leng gore e ka dirisiwa jaaka puo ya go ruta le go ithuta. Bokgoni ba go reetsa le go bua bo ka godisetswa pele le go tokafadiwa, fela kgatelelo mo legatong le, e tla nna mo go godiseng bokgoni jwa go buisa le go kwala.
Puotlaleletso ya Ntlha: Go ithuta Puotlaleletso ya Ntlha, go tla rotloetsa tiriso ya dipuodintsi le tlhaeletsano mo gareg ga ditso. Dipoelo tsa go Ithuta tsa Puotlaleletso ya Ntlha di na le dikgato tsa bokgeleke jwa go dirisa dipuo jo bo fitlhelelang dikgato tsotlhe tse di tlhokegang go ithuta ka tsenelelo mo kharikhulamong yotlhe bogolo jang ka baithuti ba ka ithuta ka yone ka go e dirisa mo nageng ya rona. Seno se akaretsa bokgoni jwa tlhaloganyo ya kgopolo le ya botlhalefi mo dipuong tse di tlhokagalang mo go akanyeng le go ithuteng. Seno se akaretsa dipuo tsotlhe tsa semmuso. Go tla gatelelwa ka tekano bokgoni jwa go reetsa, go bua, go buisa le go kwala.
Puotlaleletso ya Bobedi: Go ithuta Puotlaleletso ya Bobedi, go tsweletsa pele thotloetso ya tiriso ya dipuodintsi le tlhaeletsano ya mo ditsong tsotlhe ka go farologana. Le fa bokgoni ba go buisa le go kwala bo tla godisiwa, mo legatong le, kgatelelo e tla nna thata mo kgodisong ya bokgoni jwa go reetsa le go bua. Legato la Puotlaleletso ya Bobedi le tshwanetse go tota tokafatso ya tlhaeletsano magareng ga batho.
Mo karolong ya dirutwa tsa Konôkonô tsa sekgamu sa Thuto le Katiso e e Tswelelang, baithuti botlhe ba tshwanetse go ithuta dipuo di le pedi tsa semmuso, ya ntlha e nne mo legatong la Puo ya Gae, fa e nngwe e le mo legatong la Puotlaleletso ya Ntlha kgotsa Puo ya Gae. E nngwe ya dipuo tse, mo karolong ya dirutwa tsa Konôkonô, e nne Puo ya go ruta le go ithuta. Mo karolong ya dirutwa tsa Motheo le tse di ikgethelwang, dipuo tsa semmuso dipuo di ka ithutiwa jaaka Puo ya Gae, Puotlaleletso ya Ntlha le/kgotsa Puotlaleletso ya Bobedi mo baithuting ba ba nang le kgatlhego e e rileng mo dipuong go tsweletsa pele go ithuta dipuo dintsi.
bokgoni jwa puo jwa go reetsa, go bua, go buisa le go kwala ke motheo mo kgodisong ya Dipoelo tsa go Ithuta; le tiriso ya mefuta e mentsi e e farologaneng ya ditlhangwa e letla baithuti go tlhatlhoba dintlha tsa bona, tsa setphaba le tsa lefatshe lotlhe ka kakaretso le go aga kitso e e golang ya mo lefatsheng.
Go ithuta dipuo go ka lebisa kwa ditirong tse di ikaegileng ka puo jaaka bokwadi jwa dikgang, phetolelo, thutapuo, thekiso, bobapatsi, thuto ya bogolaganyi jwa tsa matlhale jj. Le fa go le jalo, go totobetse gore dipuo ke motheo wa go ithuta, e seng fela mo botshelong jwa ka metlha, le kwa madirelong. Go nna le kgolo mo kgwebong, go ikaegile ka bokgoni jo moithuti a nang le jona mo puong. Mo lefatsheng le le tletseng kgwetlho e e kwa godimo ya thekenoloji, gore moithuti a fitlhelele sengwe, go ikaegile ka bokgoni jwa gagwe jwa tlhaeletsano. Puo ke senotlele sa gotlhe. Fa puo e sa rutiwa sentle ditsela di le dintsi tsa moithuti di ka tswalega.
Bokgoni jwa go buisa go kwala le go tlhaeletsana ke motheo wa go kgontsha moithuti go feleletsa ditiro tsa ka metlha, le go nna le seabe mo dithutong tsa botshelo tse moithuti a di tlhokang go ka mekamekana le botshelo. Puo ke sediriswa se se ka thusang moithuti mo tsweletsong ya botsalano le batho ba ba leng mo tikologong e a leng mo go yona. Tshisimogo e puo e dirisiwang ka yone, e tlisa katlego kgotsa thetelelo ya go dira botsalano gantsi mo bathong.
Boanamo le maitlhomo tse di umakilweng fa godimo di kgobokantswe mo Dipoelong tsa go Ithuta di le nne. Le fa Dipoelo tseno tsa go Ithuta di kgaogantswe, nngwe le nngwe e ikemetse ka boyone di tshwanetse go rutwa le go lekanyetswa mmogo.
Moithuti o kgona go reetsa le go bua ka maitlhomo a a farologaneng go baamogedi ba tshedimosetso le mo bokaong jo bo farologaneng.
Baithuti ba tlhaloganya gore go bua le go reetsa ke ditiro tse di tlwaelegileng mo botshelong jwa ka gale tse di diragalang mo maemong a a rileng le mo maitlhomong le mo baamogeding ba tshedimosetso ba ba farologaneng, le gore mefuta ya ditlhangwa tsa molomo le tirisopuo e e maleba di a farologana. Ba lemoga le go dirisa ditlhangwa tse di maleba tsa molomo le tirisopuo mo maemong a semmuso le a e seng a semmuso.
Go reetsa le go bua ke pinagare ya dirutwa tsotlhe. Ka ditsela tse di nonofileng tsa go reetsa le go bua, baithuti ba kgobokanya le go tlhotlha tshedimosetso mmogo, aga kitso, rarabolola mathata le go tlhagisa dikakanyo le dintlhakemo. Bokgoni jwa go reetsa ka tsenelelo go kgontsha baithuti go lemoga meetlo le maikutlo ka sengwe/mongwe tse di fitlhelwang mo ditlhangweng le go gwetlha go tsaya letlhakore le puo ya go tlhotlheletsa ka botlhale.
Moithuti o kgona go buisa le go lebelela, go tlhaloganya le go tlhatlhoba ka tsenelelo mme a tsibogela mefuta e mentsi e e farologaneng ya ditlhangwa.
Bokgoni jo bo agegileng sentle jwa go buisa le go lebelela ke pinagare mo tsweletsong ya go ithuta mo kharikhulamong ka bophara le go tsaya karolo ka botlalo mo botshelong jwa ka gale le kwa ditirong. Baithuti ba ikgodisa mo bokgoning jwa go buisa le go lebelela mefuta e mentsi e e farologaneng ya dintlhangwa , tse di kwa wang le tse di sa kwalweng go akaretswa tse di bonwang le tsa tshedimosetso. Baithuti ba lemoga ka mo dikwalo le mekgwa ya go dirisa puo di bontshang maitlhomo, baamogedi ba tshedimosetso le maemo a setlhangwa ka teng.
Baithuti ba dirisa mefuta e e farologaneng ya ditsela tsa go buisa le go lebelela go ikaegilwe ka maitlhomo a bona a go buisa le mofuta wa setlhangwa. Ba aga bokao go tswa mo ditlhangweng, lemoga meetlo le go itlhoma mme ba tsibogela ka tshwanelo. Ka go buisa le go lebelela baithuti ba batlisisa le go tsaya tshwetso ka botsalano jwa seemo sa bona le batho bangwe. Puiso ya ditlhangwa tse di kwadilweng e neela boithuti dikao tse ba ka di dirisang fa ba ikwalela.
Moithuti o kgona go kwala le go tlhagisa mo mefuteng e mentsi e e farologaneng ya maitlhomo le go baamogedi ba tshedimosetso a dirisa melawana le dipopego tse di maleba mo bokaong jo bo farologaneng.
Go kwala ke sediriswa se segolo sa go tlhaeletsana o o dumelelang mokwadi go bopa le go tlhaeletsa mogopolo le dikakanyo ka tomagano. Go kwala kgapetsakgapetsa mo maemong, ditiro le mafapha a dirutwa a a farologaneng go kgontsha baithuti go tlhaeletsana ka mokgwa wa tirisano le wa boitlhamedi. Maitlhomo ke go tlhagisa bakwadi ba ba nonofileng, le ba ba kgonang go fetoga bonolo, bao ba tla kgonang go dirisa bokgoni jwa bona go bopa ditlhangwa tse di maleba tse di kwadilweng, bonwang le tsa ditlhangwa tse di dirisang ditsela tsa tlhaeletsano tse di farologaneng mo maitlhomong a a farologaneng.
Moithuti o kgona go dirisa dipopi le melawana ya tiriso ya puo ka tsela e e maleba le ka nonofo.
Ka go dirisa ditlhangwa tse di farologaneng kitso ya baithuti ya tlotlontswe e a oketsega le go tlhaloganya popegopuo mme ba di dirise ka tshwanelo. Baithuti ba nna le maitemogelo a a tseneletseng a ka fao meetlo le tlhotlheletso ya maemo a motho di ageletsweng mo puong ka teng gammogo le gore puo e ka dirisiwa jang go susumetsa batho.
Go reetsa le go bua bontsha kitso ya mefuta e e farologaneng ya Moithuti o kgona go reetsa le go bua ka maitlhomo tlhaeletsano ya molomo e e dirisiwang go a a farologaneng, go baamogedi ba tshedimosetso tlhaeletsana le batho ba bangwe: le mo bokaong jo bo farologaneng.
Moithuti o kgona go reetsa le go bua ka maitlhomo a a farologaneng, go baamogedi ba tshedimosetso le mo bokaong jo bo farologaneng.
dirisa bokgoni jwa dipotsotherisano le go bega ka diphitlhelelo.
dirisa bokgoni jwa dipotsotherisano le go bega ka diphitlhelelo ka tsenelelo mo go leng maleba.
dirisa bokgoni jwa dipotsotherisano le go bega diphitlhelelo ka tsenelelo mo go leng maleba.
bontsha bokgoni jwa go rulaganya le go batlisisa ka maitlhomo a go dira ditlhagiso tsa Moithuti o kgona go reetsa le go bua ka maitlhomo molomo: a a farologaneng, go baamogedi ba tshedimosetso dira dipatlisiso ka setlhogo ka go lebelela le mo bokaong jo bo farologaneng.
akaretsa didiriswa tse di bonwang, utlwelelwang le tsa kutlopono jaaka ditphate, diphousetara, dinepe, diselaete, ditshwantsho, mmino, medumo le tlhaeletsano tsa eleketeroniki tse di maleba.
akaretsa didiriswa tse di bonwang, utlwelelwang le tsa kutlopono jaaka ditphate, diphousetara, dinepe, diselaete, ditshwantsho mmino, medumo le tlhaeletsano tsa eleketeroniki tse di maleba.
akaretsa didiriswa tse di bonwang, utlwelelwang le tsa ponokutlo jaaka ditphate, diphousetara, dinepe, diselaete, ditshwantsho, mmino, medumo le tlhaeletsano tsa eleketeroniki tse di maleba.
bontsha bokgoni jwa go reetsa le go neela ditlhagiso tsa molomo ka thelelo le ka Moithuti o kgona go reetsa le go bua ka maitlhomo maikutlo: a a farologaneng, go baamogedi ba tshedimosetso lemoga le go dirisa maano a bokgeleke le mo bokaong jo bo farologaneng.
reetsa ka tsenelelo le go tsibogela dipotso go tlhalosa tse di sa tlhaloganyegang sentle.
reetsa ka tsenelelo le go tsibogela dipotso go tlhalosa tse di sa tlhaloganyegang sentle.
reetsa ka tsenelelo le go tsibogela dipotso go tlhalosa tse di sa tlhaloganyegang sentle.
bontsha temogo e e tseneletseng ya tiriso ya puo mo mabakeng a ditlhagiso tsa molomo: Moithuti o kgona go reetsa le go bua ka maitlhomo dirisa le go tlhatlhoba, setaele le rejista e e a a farologaneng, go baamogedi ba tshedimosetso maleba, tse di siametseng maitlhomo, le mo bokaong jo bo farologaneng.
lemoga le go gwetlha puo ya maikutlo e e lemosegang e tlhotlheletsa e tsaya letlhakore, go fetsa mogopolo ka sengwe/mongwe le go naganela ntlheng e le nngwe jaaka go gasagasa kgang le go phasalatsa.
lemoga le go gwetlha puo ya maikutlo e e bofitlha e tlhotlheletsa, e tsaya letlhakore, go fetsa mogopolo ka sengwe/mongwe le go naganela ntlheg e le nngwe jaaka go gasagasa kgang le go phasalatsa.
lemoga le go gwetlha puo ya maikutlo e e bofitlha e tlhotlheletsa e tsaya letlhakore, go fetsa mogopolo ka sengwe/mongwe le go naganela ntlheng e le nngwe jaaka go gasagasa kgang le go phasalatsa.
buisa gape, lebelela gape, boeletsa go tlhotlheletsa go tlhaloganya.
buisa gape, lebelela gape, boeletsa go tlhotlheletsa go tlhaloganya.
buisa gape, lebelela gape, boeletsa go tlhotlheletsa go tlhaloganya.
tlhalosa bokao jwa mefuta e mentsi e e farologaneng ya ditlhangwa tse di kwadilweng, Moithuti o kgona go buisa le go lebelela, go bonwang, utlwelelwang, tsa ponokutlo: tlhaloganya le go tlhatlhoba ka tsenelelo mme a tsibogela mefuta e mentsi e e farologaneng ya bona tshedimosetso le dintlha tse di maleba ditlhangwa.
neela le go tshegetsa tsibogo ya gagwe mo ditlhangweng.
neela le go tshegetsa tsibogo ya gagwe mo ditlhangweng ka go tlhotlheletsa gore go dumalanwe le ena.
neela le go tshegetsa tsibogo ya gagwe mo ditlhangweng ka go tlhotlheletsa gore go dumalanwe le ena.
tlhaloganya le go tlhatlhoba ka tsenelelo mme a lemoga le go tlhalosa meetlo ya loago, setso tsibogela mefuta e mentsi e e farologaneng ya le sepolotiki, maikutlo le ditumelo jaaka ditlhangwa.
tlhalosa mokgwa wa go gobelela/go tsaya letlhakore, go fetsa mogopolo ka ga sengwe le go kgetholola.
sekaseka mokgwa wa go gobelela/go tsaya letlhakore, go fetsa mogopolo ka ga sengwe le go kgetholola.
sekaseka mokgwa wa go gobelela/go tsaya letlhakore, go fetsa mogopolo ka ga sengwe le go kgetholola.
tlhalosa diponagalothôothôo tsa ditlhangwa le go tlhalosa ka mo di nang le seabe mo bokaong ka Moithuti o kgona go buisa le go lebelela, go teng (diponagalo tse, ga di a tshwanela go tlhaloganya le go tlhatlhoba ka tsenelelo mme a sekasekwa di ikemetse ka bojosi): tsibogela mefuta e mentsi e e farologaneng ya ditlhangwa.
lemoga le go tlhalosa seabe sa methalethale ya mokwalo-tlanyo, ditlhogo le mafoko a a tlhalosang ditiragalo.
lemoga maikutlo, nako le bokhutlo.
lemoga le go sekaseka seabe sa methalethale ya mokwalo-tlanyo, ditlhogo le mafoko a a tlhalosang ditiragalo.
ranola maikutlo, nako, kobiso le bokhutlo.
lemoga le go sekaseka methalethale ya mokwalo-tlanyo, ditlhogo le mafoko a a tlhalosang ditiragalo.
ranola maikutlo, nako, kobiso le bokhutlo.
tlhalosa ka mo tlhopho ya mafoko, Moithuti o kgona go buisa le go lebelela, go botshwantshi, medumo, di tlhotlheletsang tlhaloganya le go tlhatlhoba ka tsenelelo mme a maikutlo, bokao le morero ka teng; tsibogela mefuta e mentsi e e farologaneng ya tlhalosa ka mo mela le popego ya ditlhangwa. ditemana, morumo, morethetho matshwao a puiso, di tlhotlheletsang bokao ka teng.
lemoga dipopego tsa terama le go ranola bokaedi jwa serala.
tlhalosa mosola wa go dirisa bobegi ka tiriso ya didiriswa tse di bonwang, utlwelelwang le tsa ponokutlo jaaka tiriso, ya mmala, setlhogwana, tlhamo, puisano, mmino, modumo, tiriso ya dipone, baakanya diphoso, go beela lonao, mokgwa wa go tsaya ditshwantsho, bokgoni jwa go tsamaisa khemera botlhagisipele jwa setshwansho le botlhagisimorago.
tlhalosa ka mo mela le popego ya ditemana, morumo, morethetho le matshwao a puiso di tlhotlheletsang bokao ka teng.
ranola le go tlhalosa popego ya terama le bokaedi jwa serala.
sekaseka mosola wa go dirisa bobegi ka tiriso ya didiriswa tse di bonwang, utlwelelwang le tsa ponokutlo jaaka setlhogwana, tiriso ya mmala, tlhamo, puisano, mmino, modumo, tiriso ya diponego, baakanya diphoso, go beela lonao, mokgwa wa go tsaya, ditshwantsho, bokgoni jwa go go tsamaisa khemera, botlhagisipele jwa setshwantsho le lomarago lwa sone.
sekaseka ka mo mela le popego ya ditemana, morumo, morethetho le, matshwao a puiso, di tlhotlheletsang bokao ka teng.
ranola, tlhalosa le go sekaseka popego jwa terama le bokaedi ba serala.
sekaseka mosola wa go dirisa bobegi ka tiriso ya tse di bonwang, utlwelelwang le ponokutlo jaaka tiriso ya mmala, setlhogwana, tlhamo, puisano, mmino, modumo, tiriso ya dipone, baakanya diphoso, go beela lonao, mokgwa wa go tsaya ditshwantsho, bokgoni jwa go tsamaisa khemera, botlhagisi pele jwa setshwantsho le lomorago lwa sone.
Go kwala le go tlhagisa bontsha bokgoni jwa go rulaganya go kwalela Moithuti o kgona go kwala le go tlhagisa mo maitlhomo a a rileng, baamogedi ba mefuteng e mentsi e e farologaneng ya maitlhomo le tshedimosetso, bokao jo bo rileng: go baamogedi ba tshedimosetso a dirisa melawana tlhalosa ditlhokego tsa ditiro tse di le dipopego tse di maleba mo bokaong jo bo farologaneng; farologaneng.
Moithuti o kgona go kwala le go tlhagisa mo mefuteng e mentsi e e farologaneng ya maitlhomo le go baamogedi ba tshedimosetso a dirisa melawana le dipopego tse di maleba mo bokaong jo bo farologaneng.
dirisa didiriswa tsa pono le tse di itlhametsweng tse di tlhophilweng ka tshwanelo.
dirisa didiriswa tsa mefuta e mentsi e e farologaneng tsa pono le tse di itlhametsweng tse di tlhophilweng ka tshwanelo.
dirisa didiriswa tsa mefuta e mentsi e e farologaneng tsa pono le tse di itlhametsweng tse di tlhophilweng ka tshwanelo.
dirisa makopanyi, dithuanyi, maemedi, le matlhalosi go nyalanya dikakanyo.
dirisa makopanyi dithuanyi maemedi le matlhalosi go nyalanya dikakanyo.
makopanyi, dithuanyi maemedi le matlhalosi go nyalanya dikakanyo.
Moithuti o kgona go kwala le go tlhagisa mo mefuteng e mentsi e e farologaneng ya maitlhomo le go baamogedi ba tshedimosetso a dirisa melawana le dipopego tse di maleba mo bokaong jo bo farologaneng.
kwala setlhangwa sa bofelo ka go dira poeleletsopuiso le go tlhotlha diphoso.
tlhagisa setlhangwa sa bofelo go tlhokometswe setaele se se maleba jaaka tlhagiso ya setlhangwa se se senang diphoso kgotsa phousetara e ntle e e ngokang.
kwala setlhangwa sa bofelo ka go dira poeletsopuiso le go tlhotlha diphoso.
tlhagisa setlhangwa se se feletseng go tlhokometswe setaele se se maleba jaaka tlhagiso ya setlhangwa se se senang diphoso kgotsa phousetara e ntle e e ngokang.
kwala setlhangwa sa bofelo ka go dira poeletsopuiso le go tlhotlha diphoso.
tlhagisa setlhangwa se se feletseng go tlhokometswe setaele se se maleba jaaka tlhagiso ya setlhangwa se se senang diphoso kgotsa phousetara e ntle e e ngokang.
Moithuti o kgona go dirisa dipopi le melawana ya dirisiwa ka nepagalo mo mefuteng e e tiriso ya puo ka tsela e e maleba le ka nonofo.
dirisa makaelagongwe, malatodi, paronimi, le lefoko le le lengwe go tlhalosa polelwana tse di tlhophilweng ka tshwanelo.
dirisa mefuta e e farologaneng ya makaelagongwe, malatodi, paronimi le lefoko le le lengwe go tlhalosa polelwana ka tshwanelo.
dirisa mefuta e mentsi e e farologaneng ya makaelagongwe, malatodi, paronimi le lefoko le le lengwe go tlhalosa polelwa ka tshwanelo.
melawana ya tiriso ya puo ka tsela e e maleba le ka lemoga dikarolo tsa puo jaaka maina, madiri, nonofo.
Moithuti o kgona go dirisa dipopi tsa puo le melawana ya tiriso ya puo ka tsela e e maleba le ka nonofo.
dirisa puo ya botshwantshi jaaka maele, diane le puo ya papiso ka mokgwa o o maleba.
dirisa puo ya botshwantshi jaaka diane, maele le puo ya papiso ka mokgwa o o maleba.
dirisa mefuta e mentsi e e farologaneng ya puo ya botshwantshi jaaka diane, maele le puo ya papiso ka mokgwa o o maleba.
aga kitso ya tlhagiso ya bokao jwa nnete le Moithuti o kgona go dirisa dipopi tsa puo le jwa botshwantshi le bokao jo bo sa melawana ya tiriso ya puo ka tsela e e maleba le ka tlhamalalang; nonofo.
lemoga le go emelana le kgobelelo/go tsaya letlhakore, go naganela ntlheng e le nngwe, kokomogo ya maikutlo, le puo e e tlhotlheletsang le e e digelang, a bo a ka dirisa bokao bosele go itlhalosa.
lemoga le go emelana le kgobelelo/go tsaya letlhakore, go naganela ntlheng e le nngwe, kokomogo ya maikutlo, puo e e tlhotlheletsang le e digelang, a bo a ka dirisa bokao bosele go itlhalosa.
lemoga le go emelana la kgobelelo/go tsaya letlhakore go go kunameng, go naganela ntlheng e le nngwe, kokomogo ya maikutlo, puo e e tlhotlheletsang le e digelang, a bo a ka dirisa bokao bosele go itlhalosa.
Mo karolong e, diteng le bokao di neetswe go tshegetsa phitlhelelo ya Maemo a Tekanyetso. Diteng tse di supilweng di tlhoka gore di dirwe ka mokgwa o di ka thusang baithuti go tswelela go ya kwa phitlhelelong ya Poelothuto. Diteng di tshwanetse go thusa Dipoelo tsa go Ithuta mme ga di a tshwanela go iphetsa di le tsosi. Bokao jo bo tlhagisitsweng bo ka thusa gore diteng di amane le maemo a a tlisang go tlhaloganya go go feleletseng mo baithuting e bile di thusa mo go ruteng le go ithuta. Morutabana o tshwanetse go tlhokomela tiriso ya maemo a selegae, e seng fela a a supiwang fa, a a ka nnang maleba thata mo maitemogelong a moithuti. Fa diteng le bokao di golagantswe le phitlhelelo ya Maemo a Tekanyetso di ka neela ka letlhomeso la go tlhabolola Manaane a go Ithuta. Dikaedi tsa Manaane a go Ithuta di tlhalosa ka botlalo tshedimosetso e ntsi mo lebakeng le.
Tiriso ya lefoko "setlhangwa" mo Dipegelong tsa Dirutwa tsa Dipuo, e na le kgonego ya bokao jo bo anameng, go akaretsa tiro ya molomo, go kwala, go bona, go utlwelela, kutlopono le mefuta ya ditlhangwa tse di dirisang mekgwa e e farologaneng ya tlhaeletsano. Gotlhe mo go ruteng puo, ditlhangwa di ka dirisiwa jaaka tshimologo le mefuta mengwe ya ditlhangwa tse di ka tlhagisiwang jaaka setlhangwa se se feletseng, se thaegile go tswa mo ditseleng tse dintsi tsa go se kwala. Maemo a Tekanyetso a bontsha tsweletso e e maleba ka diteng tse di bonolo go tlhaloganyega go ya go tse di thatanyana go simolola ka kereiti ya 10 go fitlha go ya 12. Ditlhangwa tse di bonolo le tse di marara ke motheo wa go netefatsa tsweletso mo dipuong tsotlhe.
Ditlhangwa ke metswedi e megolo ya "diteng le bokao" mo go ithuteng le mo go ruteng puo ka tsela e ya tlhaeletsano le ya tsenyeletso.
ditaele ka mefutafuta le didiriswa tsa setaele jaaka mefuta e mentsi e e farologaneng ya puo ya botshwantshi le ya boitlhamedi.
Tsela ya go ruta e e ikaegileng ka ditlhangwa le ya go ruta ka tsela ya tlhaeletsano, mmogo, di ikaegile mo tirisong e e tswelelang le tlhagiso ya ditlhangwa.
Tsela ya go ruta e e ikaegileng ka ditlhangwa e tlhotlhomisa ka mo ditlhangwa di dirang ka teng. Maitlhomo a tsela e e ikaegileng ka ditlhangwa ke go kgontsha baithuti go nna le bokgoni, go itshepa le go nna babuisi ba ba buisang ka tsenelelo, bakwadi, babogedi, le batlhami. E akaretsa go reetsa, fa go buisiwa, fa go lebelelwa le fa go sekasekwa ditlhangwa go tlhaloganya gore di tlhagisitswe jang, le gore di tlhotlhehetsa jang. Ka mekamekano e e tseneletseng e, baithuti ba nna le bokgoni ba go tlhatlhoba ditlhangwa ka tsenelelo. Tsela e e ikaegileng ka ditlhangwa e akaretsa tlhagiso ya mefuta e e farologaneng ya ditlhangwa mo mabakeng a a rileng le baamogedi ba ba rileng ba tshedimosetso. Tsela e, e tlisiwa ke go tlhaloganya ka mo ditlhangwa di tlhamiwang ka teng.
Tsela ya go ruta ka tsela ya tlhaeletsano e kaya gore mo go ithuteng puo, moithuti o tshwanetse go dirisa puo go le gontsi le go newa ditphono di le dintsi tsa go ikatisa le go tlhagisa puo ka go tlhaeletsana mo botshelong kgotsa mo tirisong ya ka gale ya puo. Go ithuta puo go tshwanetse go itlela fela mme go fetisetswa mo teng ga phaposiborutelo mo bokgoni jwa go buisa/lebelela le go kwala/tlhagisa di ithutiwang ka tokologo - baithuti ba ithuta go buisa ka go buisa go le gontsi le go ithuta go kwala ka go kwala go le gontsi.
Ditlhangwa di tlhagisiwa mo bokaong jo bo rileng ka maitlhomo a a rileng, e bile go akanngwa ka baamogedi ba tshedimosetso. Mefuta tsa ditlhangwa e na le ditiro tse di farologaneng mme di latela melawana e e rileng ya tlwaelo mabapi le popego, setaele, thutapuo, tlotlontswe le diteng. Dilo tsotlhe tse ke mefuta ya ditlhangwa. Baithuti ba tshwanetse go tlhaloganya le go tlhagisa mefuta e e farologaneng ya ditlhangwa.
Ditlhangwa di tlhagisa maemo a setso le a sepolotiki a di tlhamilweng mo go one. Puo e e dirisiwang mo ditlhangweng e na le melaetsa e e mabapi le meetlo le dintlhakemo tsa sepolotiki tsa bakwadi le batlhami; Ka jalo ditlhangwa di tsaya letlhakore la bakwadi le batlhami. Baithuti ba tshwanetse go kgona go ranola le go tsibogela meetlo le maikutlo tse di tlhagelelang mo ditlhangweng.
Ke sone seo, mo tseleng e e ikaegileng ka ditlhangwa, puo ka gale e tlhotlhomisiwa mo ditlhangweng, le gore ditlhangwa di tlhotlhomisiwa go ya ka botsalano ba tsona le bokao. Tsela e, e lebelela tsibogelo ya mekgwa e e lolameng ya dikarolo tsa puo (thutapuo le tlotlontswe) go lebeletswe gore di dirisitswe jang mo ditlhangweng. Gore baithuti ba kgone go bua ka ditlhangwa, ba tshwanetse gonna le kitso ya medumo "puo e e dirisiwang go bua ka puo "- ba tlhoka mafoko a a tlhalosang diponagalo tse di farologaneng tsa thutapuo, tlotlontswe le setaele le go bua ka mefuta e e farologaneng ya ditlhangwa.
Ditlhangwa di ka arogangwa go ya ka ditlhangwa tse di dirisiwang le ditlhangwa tse di tlhagisiwang. Mefuta eno ya ditlhangwa e tlhagisitswe ka botlalo mo lenaneong le le latelang. Mananeo a, ga a akaretse mefuta yotlhe e e leng gone ya ditlhangwa - morutabana o letlelelwa go ka tlaleletsa ka ditlhangwa tse di ka dirisiwang mo go ruteng e e akaretsang dintlha tsotlhe tsa go ruta puo. Maitlhomo a mananeo ke go fa morutabana tlhopho e e anameng ya ditlhangwa tse di ka kgonang go dirisiwa le go tlhagisiwa. Dintlha ka tse di tlhokagalang mabapi le ditlhangwa tse di thata go tlhalogangwa gammogo le tirisopuo e e maleba di kwadilwe mo Manaanekaeding a go Ithuta.
Ditlhangwa tse e seng tsa pateletso tsa go oketsa kitso: bodiragatsi, kanelo ya kgang, dikgang tsa seyalemowa/thelebipene, diterama tsa diyalemoa/dithelebipene, dipuisano mo ditlhopheng tsa batho, dikhutshwe tsa mafoko/metshameko, difilimi tsa metlae tse di tshwantshitsweng (dikhatunu), ditshwantsho tsa metlae, matshwao, jj.
Tekanyetso ke karolo ya botlhokwa ya Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso). Ke tsela ya go kokoanya le go tlhalosa bosupi le go tlhomamisa bokgoni jwa moithuti. Bosupi bo ka kokoanngwa ma tsamaong ya nako le mo mafelong a a farologaneng, le ka go dirisa ditsela, didiriswa, mekgwa le mefuta ya tlhaeletsano tse di farologaneng.
Go netefatsa gore dipholo tsa tekanyetso di ka fitlhelelwa le go dirisiwa mo maitlhomong a a fapaaneng mo isagong, dipholo di tshwanetse go kwalwa. Go na le mekgwa e e farologaneng ya go kwala bokgoni jwa moithuti. E mengwe ya yona e tla tlhomamisiwa mo kgaolong e. E mengwe e tla tlotlomadiwa mo Kaeding ya Lenaanethuto.
Go na le batsayakarolo ba bantsi ba ba nang le kgatlhego ka mo baithuti ba dirang ka teng mo Dikereiting tsa 10 - 12. Batsayakarolo ba ba akaretsa baithuti ka bobona, batsadi, batlamedi, baabi, mafapha a porofense a thuto, Lefapha la Thuto (Bosetphaba), Bookamedi jwa Thuto, bathapi, ditheo tsa thuto le katiso e e kwa godimo. Gore go kgonagale go fitlhelela bokgoni jotlhe jwa moithuti le go akanyetsa bokgoni jwa moithuti, dipholo tsa tekanyetso di tshwanetse go begwa. Go na le ditsela tse dintsi tsa go bega. Kaedi ya Lenaanethuto le Lenaane la Tekanyetso di tlhalosa tsela ya go kwala le go bega mo tekanyetsong ya mo sekolong gammogo le tekanyetso go tswa kwa ntle le go neela kgakololo mo dintlheng tsa tekanyetso tsa dithuto tse di rileng.
Pele ga morutabana a lekanyetsa baithuti, go botlhokwa gore maitlhomo a tekanyetso a tlhamalale, a se nne bokaobontsi. Go tlhaloganya maitlhomo a tekanyetso, go netefatsa gore go nne le tsamaelano gareng ga maitlhomo le mekgwa ya tekanyetso. Seno, se tla thusa go netefatsa gore dikakanyo, ditshwetso malebana le tekanyetso di se gobelele, di nne maleba le maitlhomo.
Go na le mabaka a le mantsi a a dirang gore bokgoni jwa baithuti bo lekanyediwe. Mabaka ano a akaretsa tekanyetso ya go lebelela tsweletso le ya go bega diphitlhelelo, go sekaseka le go baakanya mathata mo go ithuteng, tlhopho, kaelo, tshegetso ya go ithuta, go fa setefikeiti jaaka bosupi jwa go tswelela mo kereiting e e latelang.
Mo kharikhulamong e, go ithuta le go lekanyetsa go golagane thata. Tekanyetso e thusa baithuti go lekanyetsa gore boleng jwa go ithuta ga bona bo ntse jang. E naya tshedimosetso ka tswelelo ya bona le go ba kgontsha le go tsaya ditshwetso ka ga thuto ya bone. Ka moono o, tekanyetso e naya tshedimosetso ya gore a go ruta le go ithuta go a atlega mo go nneng gaufi le Dipoelo tsa go Ithuta tse di beetsweng pele. Fa tekanyetso e bontsha go tlhoka tswelelo, maano a go ruta le go ithuta a tshwanetse go fetolwa ka tsela e e maleba.
tekanyetso ya go aga; le tekanyetso ya kwa bofelong.
Tekanyetso ya motheo (tshimologo) e botlhokwa mo tshimologong ya kereiti, fela e ka dirisiwa mo tshimologong ya nako/paka nngwe le nngwe ya go ithuta. E dirisiwa go tlhomamisa se baithuti ba se itseng le go kgona go se dira. E thusa mo paakanyong ya ditiro le mo tlhabololong ya Lenaane la go Ithuta. Go kwalwa ga tekanyetso ya motheo, ke go go repileng.
Tekanyetso nngwe le nngwe e ka dirisiwa ka maitlhomo a go leka go bontsha lebaka/mabaka a a kgoreletsang moithuti go ithuta. Tekanyetso ya go batla makoa le go leka go a baakanya e thusa ka ditsela tse di farologaneng tsa tshegetso kgotsa go lemoga tlhokego ya thuso e e kgethegileng kgotsa ya ketleetso. E dira jaaka lebaka la go tlhotlhomisa gore o kgone go thusa le go baakanya maikaelelo a Kaedi ya Lenaanethuto gape, kgotsa go lemoga gore ke eng se se sa ithutiwang gore go tle go nne le ditsela tsa go tsereganya tse di ka dirisiwang.
Mofuta mongwe le mongwe wa tekanyetso o o dirisiwang go naya baithuti tshedimosetso morago ga thuto o araba maitlhomo a tekanyetso ya go aga. Tekanyetso ya go aga ke karolo e e botlhokwa ya go ruta le go ithuta. E lebelela le go tshegetsa tsamao ya go ithuta. Batsayakarolo botlhe ba dirisa mokgwa o wa go lekanyetsa go bona tshedimosetso ka tswelelo ya baithuti. Pegelo e e agang ka tiro e e dirilweng ke karolo ya botlhokwa ya tekanyetso mo maitlhomong a go aga.
Fa tekanyetso e dirisiwa go kwala katlholo ya bokgoni kgotsa tiro ya moithuti, maitlhomo ke go naya tekanyetso ya bofelo. Tekanyetso ya bofelo e naya setshwantsho sa bogotlhe sa bokgoni kgotsa tswelelo ya moithuti mo nakong nngwe le nngwe e e rileng.
Dipuo - Setswana Puo ya Gae saekele, kgwedithataro kgotsa ngwaga wa go ithuta. Tekanyetso ya bofelo e tshwanetse go baakanyetswa mme ditsela tse di farologaneng tsa tekanyetso di tshwanetse go dirisiwa go kgontsha baithuti go bontsha bokgoni.
Tekanyetso ya baithuti ka barutabana e tshwanetse go nna le boikanyego jo bogolo. Se se raya gore katlholo ya barutabana ka bokgoni jwa baithuti e tshwanetse go akaretsega go ya ka dinako tse di farologaneng, dintlha tsa tekanyetso, le batshwai. Dikatlholo tse di dirwang ka tsela ya tekanyatso di tshwanetse go bontsha go amogelesega go go golo; ke gore, dikatlholo di tshwanetse go dirwa mo dintlheng tsa go ithuta tse di neng di lekanyetswa.
Tekanyetso nngwe le nngwe e ka se ikanyege kgotsa go amogelega gotlhelele ka boyona ka jalo, re tshwanetse go dira ditshwetso ka tswelelo ya baithuti tse di ikaegileng ka ditekanyetso tse di fetang nngwe. Seno ke motheo wa Tlhatlhobotsweledi. Tlhatlhobotsweledi ke tsela ya tekanyetso e ditshwetso di ikaegileng ka go ithuta mo mefuteng e e farologaneng ya ditiro le ditiragalo tse di diragalang ka dinako tse di farologaneng ka nako ya go ithuta. Tlhatlhobotsweledi e akaretsa ditekanyetso tse di dirwang ngwaga otlhe, go dirisiwa mefuta le mekgwa e e farologaneng ya didiriswa tsa tekanyetso jaaka, diteko, ditlhatlhobo, diporojeke le diasaenemente. Tekanyetso ya molomo, go kwala le ya tiragalo di a akarediwa. Dikarolwana tsa tiro e baithuti ba e dirileng di dirisiwa jaaka bosupi jwa Tlhatlhobotsweledi di kokoanngwa potefoliong. Dirutwa tse di farologaneng di na le ditlhokego tse di farologaneng tsa se se tshwanetseng go kokoanngwa mo potefoliong. Ditlhokego tseno di umakiwa mo Kaeding ya Lenaanethuto.
Tlhatlhobotsweledi e dirwa mo phaposiborutelong le mo sekolong, mme e tsepame mo mokgweng o o tsweletseng o tekanyetso e tswakanngwang mo tswelelong ya go ruta le go ithuta. Barutabana ba kgona go itse baithuti ba bona ka go ba ruta letsatsi lengwe le lengwe, ka go ba botsa dipotso, go lemoga le go dirisana le bona, le go ba lebelela ka mo ba dirisanang ka teng le ba bangwe.
Tlhatlhobotsweledi e ka dirisiwa mo dikarolong tse pedi tsa Kharikhulamo tse di ka lekanyetswang ka go kwala diteko le diasaenemente le tse di ka lekanyetswang ka mekgwa e mengwe, jaaka tiragatso, go dirisa bosupi jwa go dira ka diatla kgotsa jwa go bua.
Dipoelo tsotlhe tsa go Ithuta le Maemo a Tekanyetso di kgona go fitlhelelwa ke mongwe le mongwe. Baithuti ba itse se se lebeletsweng mo go bona. Baithuti ba ka nna ba tsaya karolo e e botlhokwa ka tekanyetso ka bobona, ka "tekanyetso - pele", ya tiro, pele morutabana a dira tekanyetso ya bofelo. Kakanyo ya mong ya go ithuta, ke karolo e e botlhokwa ya go ithuta.
Mo tekanyetsong ka balekane, go dirisiwa manaanenetefatso kgotsa ruburiki, e e thusang baithuti botlhe ka tiro ya go lekanyetsa le ya ba ba lekanyetsang. Go bua ka maemo kgotsa tsela e e beilweng e tiro ya bona e tla lekanyetswang ka teng, go godisa baithuti go sekaseka tiro ya bona le ya ba bangwe.
Bokgoni jwa go dira ka nonofo mo ditlhopheng, ke e nngwe ya Dipoelotsenelelo. Go lekanyetsa tiro ya setlhopha go akaretsa go batla bosupi jwa gore a setlhopha sa baithuti se a dirisana, thusana, arogana tiro, le go kopanya ditshwaelo tsa ba bangwe go bopa tiro e le nngwe e e kopanetsweng sentle mme e ka kgona go lekanyetswa. Tekanyetso ya setlhopha e lebelela dikgato tsa go dira tiro gamogo le tiro e e feditsweng. E akaretsa go lekanyetsa bokgoni jwa tshedisano, go laola nako, bolaodi jwa metswedi le dipharologanyo mo setlhopheng, gammogo le dintshetsontle tsa ditlhopha.
Go na le ditsela tse di farologaneng tsa go kokoanya bosupi jwa tekanyetso. Tse dingwe tsa tsona di tlhalosiwa fa tlase.
Ditsela tsa tekanyetso ka go lebelela ke tse di sa rulaganngwang ka botlalo le go re letlelela go kwala mefuta e e farologaneng ya bosupi ka baithuti ba ba farologaneng le ka dinako tse di farologaneng. Mofuta o wa tekanyetso ka gale o ikaegile ka ditiro tse di batlang gore baithuti ba dirisane mo kgwetlhong ya go batla tharabololo kgotsa go tlhagisa tiro e e tshwanang. Tekanyetso e e ikaegileng ka temogo e tshwanetse go nna e e ikaeletsweng le go tsamaisiwa ka thuso ya didiriswa tse di maleba tsa temogo.
Tekanyetso ka teko ke e e rulagantsweng sentle, go kgontsha barutabana go kokoanya bosupi jwa baithuti botlhe ka tsela le ka nako e e tshwanang. Mofuta ono wa tekanyetso o lebelela bosupi jwa go ithuta jo bo netefatswang ke maduo a a rileng. Fa diteko le ditlhatlhobo di dirisiwa ka tshwanelo, di dira karolo ya botlhokwa ya kharikhulamo ka gonne di neela bosupi jo bo siameng jwa se se ithutilweng.
Ditsela tsa tekanyetso ka tiro di ikaelela go bontsha gore a moithuti o na le bokgoni jwa go dirisa se ba se ithutileng mo maemong a a sa tlwalegang kgotsa mo maemong a a kwa ntle ga phaposiborutelo. Tekanyetso ya tiragatso e akaretsa karolo ya go dira ka diatla ya dithuto e le go sekaseka ka mo baithuti ba kgonang go dirisa teori e ba e ithutileng. Tsela, maemo a a amogelegang kgotsa melao e tiragatso e tla lekanyetswang ka yona e tlhalosiwa mo diruburiking kgotsa mo manaanenetefatsong a ditiro, le go thusa morutabana go dira katlholo ya borutego go lekanyetsa tiragatso ya moithuti mongwe le mongwe.
Go kwala maduo le go bega go akaretsa mokgwa o re kwalang maduo a re a kokoantseng ka nako ya tekanyetso ka ona gore a tle a sekasekiwe sentle mme a phasaladiwe ka tsela e e nepagetseng le e e tlhaloganyegang.
Go na le mekgwa e e farologaneng ya go kwala maduo. Go le gantsi go thata go kgaoganya mekgwa ya go kwala maduo le mekgwa ya go tlhatlhoba tiro ya baithuti.
Nngwe le nngwe e tlhalosiwa fa tlase.
Sekale se se lekanyetsang ke thulaganyo nngwe le nngwe ya go tshwaya, mo letshwao (sekai jaaka A kgotsa B) kgotsa maduo (jaaka 5/10 kgotsa 50%) le ranolwang ka botlalo go golaganya tlhaloso ya maduo a a filweng khoutu e e rileng le bokgoni jo bo tlhokagalang go fitlhelela maduo ao. Thanolo e e botlalo e, e botlhokwa go feta maduo a go dumelelanweng ka ona mo tsamaong ya go ruta le go ithuta, ka e naya baithuti kakanyo e e tlhaloganyegang ya se se fitlheletsweng le gore ke ka ntlha ya eng go ithuta go sa atlega ka botlalo. Mokgwa wa bogologolo wa go tshwaya o ne o dirisa sekale se se lekanyetsang ntle le tlhaloso e e feletseng. O ne o dira gore go nne thata go tlhaloganya bokgoni le makoa a baithuti go ya ka dipoelo tse di ikaeletsweng. Sekale sa dintlha di le (thataro) 6 tsa bokgoni se dirisiwa mo Pegelong ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ka Kakaretso).
Mananeo a tiro kgotsa manaanenetefatso di na le dipegelo tse di itlhaotseng tse di tlhalosang tiragatso e e lebeletsweng mo tirong e e rileng. Fa pegelo e e rileng mo manaane netefatsong e ka lemogwa jaaka e moithuti a e dirileng ka nako ya tiragatso, pegelo e tla tshwaiwa. Dipolelo tsotlhe tse di tshwailweng go tswa mo manaanenetefatso (jaaka maemo a a beilweng go ka fitlhelelwa) di tlhalosa phitlhelelo ya tiro ya moithuti. Manaanenetefatso a botlhokwa thata mo go lekanyetseng ditiro tsa moithuti ka esi kgotsa ka ditlhopha.
Diruburiki ke kopanyo ya dikhoutu tse di lekanyetsang le ditlhaloso tsa maemo a a amogelegang. Di na le tatelano ya maemo, ka maduo a a tlhalosang kgato ya bonnye kgotsa boemo jwa tiro jo bo amogelegang mo kgatong ya khoutu nngwe le nngwe. Diruburiki di batla barutabana ba itse seo tota se tlhokwang ke dipoelo. Ruburiki e ka nna ya kakaretso, e le e e nayang setshwantshotshupo sa bogotlhe sa maemo a a amogelegang a a lebeletsweng, kgotsa ya go sekaseka, go naya setshwantsho se se tlhamaletseng sa diponagalo tsa bosekaseki tse di bopang ditlhokego, kgotsa e ka di kopanya ka bobedi. Kaedi ya Lenaanethuto e naya dikai tsa diruburiki tsa serutwa se se rileng.
Ke dipoelo dife tse di lebeletsweng?
Ke Maemo a Tekanyetso afe a a tshwanetsweng go fitlhelelwa ke tiro?
Ke bosupi bofe jo bo tshwanetseng go kokoanngwa?
Ke dikarolo dife tse di farologaneng tsa tiro tse di tla lekanyetswang?
Ke didiriswa dife tse di farologaneng tsa tekanyetso tse di siametseng karolo nngwe le nngwe ya tiro (jaaka dikgato tsa go dira tiro le tiro e e feditsweng)?
Ke kitso efe e e tshwanetseng go nna bosupi?
Ke bokgoni bofe jo bo tshwanetseng go dirisiwa kgotsa tiragatso e e tshwanetseng go tsewa?
Ke ditphono dife tsa go tlhagisa maikutlo a mong, meetlo le maikutlo ka ga mongwe/sengwe tse di tlhagelelang mo tirong le gore ke dife tsa tse, tse di tshwanetseng go lekanyetswa le gore di tla lekanyediwa jang?
A ruburiki e le nngwe e lebane le Dipoelo tsa go Ithuta tsotlhe le Maemo a Tekanyetso otlhe a tiro, kgotsa, a tiro e batla diruburiki tse di mmalwa?
Tota, ke diruburiki di le kae tse di tlhokagalang mo tirong?
Go botlhokwa gore morutabana a abelane ruburiki kgotsa diruburiki le baithuti pele ga ba dira tiro e e batlegang. Ruburiki e sedimosa go ithuta le ditiragatso tse e tshwanetseng go di lebelela. E nna sediriswa se se botlhokwa sa tekanyetso ya moithuti ka esi.
Go bega tiragatso le phitlhelelo go naya botlhe ba ba nang le seabe kgotsa ba ba nang le kgatlhego gore moithuti o tswelelapele jang. Fa bosupi bo sena go kokoanngwa le go ranolwa, barutabana ba tshwanetse go kwala diphitlhelelo tsa baithuti. Go tlhokega gore ditekanyetso tsa bofelo tse di lekaneng di dirwe nako le nako gore pegelo e fe dintlha tse di tletseng tsa maemo a a fitlheletsweng ke moithuti.
Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 e amogela sekale sa dintlha di le thataro tsa go bontsha bokgoni. Sekale se supiwa ka Sethalo 4.
Go thusa ka boemo jo phitlhelelo e tshwanetseng go fitlhelelwa ka jona mo Dipoelong tsa go Ithuta mo Dikereiting tsa 10 go fitlha go 12, bokgoni jwa thuto bo tlhaloswa go farologanya ditebelelo tsa kereiti ka se moithuti a tshwanetseng go se itse le go se fitlhelela. Magato a marataro a bokgoni, a tlhalositswe mo thutong nngwe le nngwe le mo kereiting nngwe le nngwe. Ditlhaloso tse di tla thusa barutabana go lekanyetsa baithuti le go ba baya mo boemong jo bo nepagetseng jwa tekanyetso. Ditlhaloso di khutshwafatsa se se tlhalositsweng ka botlalo mo Dipoelong tsa go Ithuta le mo Maemong a Tekanyetso, le go neela diponagalo tse di farologanyang le tse di tlhomamisang diphitlhelelo mo boemong jo bo rileng. Magato a a farologaneng a phitlhelelo le tsa diperesente tse di tsamaelanang le tsona di bontshwa mo Sethalong 4.
Go tsamaelana le metheo le tsamaiso ya tekanyetso e e itshetlegileng ka dipoelo, ditekanyetso tsotlhe mo dikolong le tsa kwa ntle ga dikolo di tshwanetse go nna fela ka ditlhokego tse tiro e atlholwang ka tsona. Maduo a ka dirisiwa go tlhatlhoba tiro e e rileng ya tekanyetso, ditiro tsa tekanyetso di tshwanetse go lekanyetswa go ya ka diruburiki go na le go tshwaya dikarabo tse di siameng le go neela maduo go ya ka palo ya matshwao. Dipegelo tsa bokgoni tsa dirutwa di tlhalosa bonnye jwa bokgoni, kitso, maikutlo le meetlo tse di tshwanetseng go supiwa ke moithuti go bontsha phitlhelelo mo kgatong nngwe le nngwe ya sekale sa go lekanyetsa.
Fa barutabana/balekanyetsi ba baakanya tiro/kgotsa potso, ba tshwanetse go netefatsa gore tiro/kgotsa potso e arabela ntlha ya poelo e e rileng. Go tshwanetse ga dirisiwa maemo a tekanyetso a a maleba go tlhama ruburiki e e lekanyetsang tiro kgotsa potso. Ditlhaloso di bontshe ka botlalo bonnye jo bo dumeletsweng jwa maemo a a tshwanetseng go fitlhelelwa mo setlhopheng sengwe le sengwe mo sekaleng sa go lekanyetsa.
Ditlhaloso tsa bokgoni tsa serutwa se, di tlhagelela kwa bofelong jwa kgaolo e.
Tlhatloso mo Kereiting ya 10 le Kereiti ya 11 e tla dirwa fela go ya ka tekanyetso ya mo sekolong, fela e tshwanetse go ya ka mabaka a a tshwanang le a Lokwalo lwa Thuto le Katiso e e Tswelelang. Ditlhokego, maemo, melao ya kopanyo le ya go fetisetsa kwa pele, di tlhaloswa mo "Qualifications and Assessment Policy Framework for Grades 10 - 12 (General)".
Go na le ditsela tse dintsi tsa go tlhama karatapego, fela go botoka gore karatapego e nne bonolo go tlhaloganyega, fa e le gore tshedimosetso yotlhe e e botlhokwa e tsentswe.
pego ya se se diragetseng e e thusang e e tshwaelang ka ga tiro ya moithuti fa e bapisiwa le e e fetileng le ditlhokego tsa serutwa; le tswelelopele ya kgolo ya moithuti mo go ithuteng mokgwa wa go ithuta.
setempe sa sekolo; le porofaele ya moithuti ya go tsena sekolo.
bua le go tlhagisa ditlhangwa ka go itshepa, le ka nyalelano le tomagano ya dikakanyo; bontsha maitemagelo a godileng a tiriso ya puo ka tshisimogo le tlotlo; nna tsebentlha go lemoga, ranola, sekaseka, le go tlhalosa tshedimosetso mo mefuteng e e farologaneng ya maitlhomo; dirisa puo ka thelelo le go bontsha maikutlo ka bokgabane mo mabakeng a a farologaneng a tlhaeletsano.
lemoga, ranola, sekaseka le go tlhalosa ditlhangwa ka go itshepa le ka nonofo fa a buisa le fa a lebelela; bontsha go tlhaloganya go go tlhabosegang, go gatelela le go tshegetsa dintlha tsa gagwe; buisetsa kwa godimo a bontsha thelelo le maikutlo ka bokgabane; bontsha tshisimogo mo dikakanyong tsa batho ba bangwe le tsa setso.
kwala le go tlhagisa ditlhangwa tsa boitshimololedi, nyalelano le tomagano ya dikakanyo ebile di le maleba; kwala/tlhagisa go ya ka baamogedi, maitlhomo, maemo le kagego; rulaganya dikakanyo le dintlha tsa tshegetso ka tlhotlheletso e e bontshang setaele sa gagwe; boeletsa le go baakanya diphoso mo dikwalong ka boena go netefatsa tokafalo.
ranola, sekaseka, tlhatlhoba le go tlhotlha ditlhangwa ka go itshepa fa a buisa le go ditlhangwa ka go itshepa le ka bokgoni fa a lebelela; bontsha go tlhaloganya go go buisa le fa a lebelela; bontsha go tlhaloganya go itumedisang, go gatisa le go tshegetsa dintlha tsa go humileng tota ka mokgwa o o kgodisang, go gagwe; buisetsa kwa godimo a bontsha thelelo gatisa le go tshegetsa dintlha tsa gagwe; buisetsa le maikutlo ka bokgabane; bontsha tshisimogo kwa godimo a bontsha thelelo le maikutlo ka mo dikakanyong tse di farologaneg gammogo le bokgabane; bontsha tshisimogo mo dikakanyong tsa setso. tse dintsi tse di farologaneng, gammogo le tsa setso.
kwala le go tlhagisa ditlhangwa tsa boitshimololedi, nyalelano le tomagano ya boitshimololedi, nyalelano le tomagano ya dikakanyo e bile di le maleba; kwala/tlhagisa go ya dikakanyo di le maleba e bile di sa fetogefetoge; ka baamogedi, maitlhomo, maemo le dikagego ka kwala/tlhagisa go ya ka baamogedi, maitlhomo, tlhomamo; rulaganya dikakanyo le dintlha tsa maemo le dikagego ka bokgabane; rulaganya tshegetso ka tlhotlheletso e e botlhale go bontsha dikakanyo le dintlha tsa tshegetso ka tlhotlheletso setaele sa gagwe; boeletsa le go baakanya diphoso e e botlhale le go bontsha setaele sa gagwe; mo ditlhangweng ka boena go bontsha tokafalo e e boeletsa le go baakanya diphoso ka boena le go totobetseng. tlhomamisa fa setlhangwa se dule diatla.
lemoga, sekaseka, tlhalosa, le go dirisa dipopi tse di farologaneng tsa dipolelo ka maitlhomo a go dirisa puo ka gale le go bontsha setaele se se rileng ka bokgabane; bontsha bokgoni jwa maemo a a kwa godimo jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
Ditlhaloso tsa Bokgoni Ditlhaloso tsa Bokgoni tlhaloganya le go dirisa dipopi le melawana ya tiriso ya puo ka go itshepa le maitemogelo a a oketsegang; ranola, sekaseka, tlhatlhoba, le go tlhalosa dipharologano tse di bofitlha gareng ga bokao le tiriso ya mafoko le dipopego tsa mafoko; lemoga sekaseka, tlhatlhoba le go dirisa mefuta ya dikarolo tsa dipolelo ka maitlhomo a go dirisa puo ka gale le go bontsha setaele se se rileng ka bokgabane; bontsha bokgoni jwa maemo a a kwa godimo jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
tlhaloganya le go dirisa dipopi le melawana ya tiriso ya puo ka go itshepa, le maitemogelo a magolo; ranola, sekaseka, tlhatlhoba le go tlhalosa dipharologano tse di bofitlha mo bokaong le mo tirisong ya mafoko le dipopegong tsa mafoko; lemoga, sekaseka, tlhatlhoba le go dirisa mefuta ya dikarolo tsa dipolelo ka maitlhomo a go dirisa puo ka gale le go bontsha setaele se se rileng ka bokgabane; bontsha bokgoni jwa maemo a a kwa godimo jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
bua le go tlhagisa ditlhangwa ka nyalelano le tomagano ya dikakanyo e bile go le gantsi a bontsha go itshepa; bontsha maitemogelo a a golang a tiriso ya puo ka tshisimogo le tlotlo; nna tsebentlha go lemoga, ranola, sekaseka le go tlhalosa tshedimosetso mo maitlhomong a a farologaneng; dirisa puo ka thelelo le go bontsha maikutlo ka bokgabane mo mabakeng a a farologaneng a tlhaeletsano go le gantsi.
lemoga, ranola, sekaseka le go tlhalosa ditlhangwa ka go itshepa go le gantsi fa a buisa le go lebelela; bontsha go tlhaloganya fa a gatelela le go tshegetsa dintlha tsa gagwe; buisetsa kwa godimo a bontsha thelelo le maikutlo ka bontle tota; bontsha tshisimogo mo dikakanyong tsa batho ba bangwe le tsa setso tse di farologaneng.
kwala le go tlhagisa ditlhangwa tse go le gantsi e leng tsa boitshimololedi, dikakanyo di nyalelana e bile di lomagane fela nepagalo e le nnye; kwala/tlhagisa go ya ka baamogedi, maitlhomo, maemo le dikagego ka go farologana; rulaganya dikakanyo le dintlha tsa tshegetso ka go se fetogefetoge, tlhotlheletso le boitlhamedi go bontsha bosupi jwa setaele sa gagwe se se golang; boeletsa le go tlhotlha diphoso mo dikwalong ka boene go netefatsa tokafalo.
bua le go tlhagisa ditlhangwa ka go itshepa, dikakanyo di nyalelane e bile di lomagane; nyalelano le tomagano ya dikakanyo; bontsha bontsha maitemogelo a a godileng a tiriso ya maitemogelo a a godileng sentle a tiriso ya puo puo ka tshisimogo le tlotlo; nna tsebentlha go ka tshisimogo le tlotlo; nna tsebentlha go ranola, sekaseka, tlhatlhoba le go tlhalosa ranola, sekaseka, tlhatlhoba le go tlhotlha tshedimosetso mo maitlhomong a a tshedimosetso mo maitlhomong a a farologaneng; dirisa puo ka thelelo le go bontsha farologaneng; a dirisa puo ka thelelo le go maikutlo ka bokgabane mo mabakeng a a bontsha maikutlo ka bokgabane mo mabakeng a farologaneng a tlhaeletsano go le gantsi. a farologaneng a tlhaeletsano go le gantsi.
ranola, sekaseka, tlhatlhoba le go tlhotlha ditlhangwa ka go itshepa fa a buisa le go ditlhangwa ka go itshepa le ka nonofo fa a buisa le lebelela; bontsha go tlhaloganya go go siameng go lebelela; bontsha go tlhaloganya go go lekaneng fa a gatelela le go tshegetsa dintlha tsa gagwe ka fa a gatelela le go tshegetsa dintlha tsa gagwe ka tlhamalalo; buisetsa kwa godimo a bontsha tlhamalalo; buisetsa kwa godimo a bontsha thelelo thelelo le maikutlo ka bontle tota; bontsha le maikutlo ka bontle tota; bontsha tshisimogo mo tshisimogo mo dikakanyong tsa batho ba mefuteng e e farologaneng ya dikakanyo tsa bangwe le tsa setso tse di farologaneng. bangwe le tsa setso.
kwala le go tlhagisa ditlhangwa tse di nang le boitshimololedi, dikakanyo di nyalelane, di boitshimololedi, dikakanyo di nyalane, di lomagane di nepagetse go le gantsi; kwala/ lomagane di nepagetse; kwala/tlhagisa go ya ka tlhagisa go ya ka baamogedi, maitlhomo, baamogedi, maitlhomo, maemo le dikagego; maemo le dikakego tse di farologaneng; rulaganya dikakanyo tsa setlhangwa le dintlha rulaganya dikakanyo le dintlha tsa tshegetso ka tsa tshegetso ka tsela e e sa fetogefetogeng e go se fetogefetoge, e tlhotlheletsa, e na le tlhotlheletsa, e na le boitlhamedi e bontsha boitlhamedi go bontsha bosupi jwa setaele sa bosupi jwa setaele sa gagwe; boeletsa le go gagwe; boeletsa le go tlhotlha diphoso ka boene tlhotlha diphoso ka boene go bontsha tokafalo e go bontsha gore o a tokafala. e kgodisang.
lemoga, sekaseka, tlhalosa le go dirisa dipopi tse di farologaneng tsa dipolelo ka maitlhomo a go dirisa puo ka gale le go bontsha setaele se se rileng; bontsha bokgoni jwa maemo a a kwa godimo jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
Ditlhaloso tsa Bokgoni Ditlhaloso tsa Bokgoni tlhaloganya le go dirisa dipopi le melawana ya tirisopuo ka go itshepa le ka nepagalo e bile go le bonolo; ranola, sekaseka, tlhatlhoba le go tlhalosa dipharologano tse di bofitlha fa gare ga bokao le tiriso ya mafoko le dipopego tsa mafoko; lemoga, sekaseka, tlhatlhoba le go dirisa dipopi tsa dipolelo tse di farologaneng ka maitlhomo a go dirisa puo ka gale le setaele se se rileng; bontsha bokgoni jwa maemo a a kwa godimo jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
tlhaloganya le go dirisa dipopi le melawana ya puo ka go itshepa, nepagalo, e bile go le bonolo; ranola, sekaseka, tlhatlhoba le go tlhalosa dipharologano tse di bofitlha tsa bokao le tiriso ya mafoko le dipopego tsa mafoko; lemoga, sekaseka, tlhatlhoba le go dirisa dipopi tse di marara tsa dipolelo ka maitlhomo a go dirisa puo ka gale le setaele se se marara; bontsha bokgoni jwa maemo a kwa godimo a tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
bua le go tlhagisa ditlhangwa ka nyalelano, le tomagano ya dikakanyo le go itshepa go go isegang; bontsha maitemogelo a a isegang a tiriso ya puo ka tshisimogo le tlotlo; nna tsebentlha go lemoga, le go ranola tshedimosetso mo maitlhomong a a farologaneng fela a nna le bothata jwa go sekaseka le go tlhalosa; dirisa puo ka thelelo e e isegang le maikutlo mo mabakeng a a tlwaelegileng a tlhaeletsano.
lemoga le go ranola ditlhangwa ka go itshepa go go isegang fa a buisa le go lebelela, fela a itemogela bothata jo bo rileng fa a sekaseka le go tlhalosa; gatelela le go tshegetsa dintlha tsa gagwe ka go tlhaloganya, go go isegang; buisetsa kwa godimo ka thelelo le maikutlo a a amogelesegang; bontsha tshisimogo e e amogelesegang mo dikakanyong tsa ba bangwe le tsa setso tse di farologaneng.
kwala le go tlhagisa ditlhangwa ka boitlhamedi nyalelano le tomagano ya dikakanyo le nepagalo e e itumedisang; kwala/tlhagisa ka kamogelesego sentle go ya ka baamogedi, maitlhomo, maemo le dikagego ka go farologana; rulaganya dikakanyo le dintlha tsa tshegetso ka diteng le tlhomamo tse di amogelesegang le ka bosupi jo bo rileng jwa boitlhamedi le setaele sa gagwe; boeletsa le go tlhotlha diphoso ka thuso ya mongwe go netefatsa tokafalo.
bua le go tlhagisa ditlhangwa ka go itshepa, tomagano ya dikakanyo le go itshepa go go nyalelano, le tomagano ya dikakanyo; bontsha isegang; bontsha maitemogelo a a golang le maitemogelo a tiriso ya puo ka tshisimogo le tiriso ya puo ka tshisimogo le tlotlo; nna tlotlo; nna tsebentlha go ranola le go sekaseka tsebentlha go ranola le go tlhalosa tshedimosetso tshedimosetso mo maitlhomong a a mo maitlhomong a a farologaneng fela a bontsha farologaneng fela a bontsha go okaoka go go go okaoka go go rileng fa a sekaseka le go rileng fa a tlhatlhoba le fa a tlhotlha tlhatlhoba, dirisa puo ka thelelo e e isegang le tshedimosetso; dirisa puo ka thelelo e e isegang maikutlo mo mabakeng a a farologaneng a le maikutlo mo mabakeng a a farologaneng a tlhaeletsano. tlhaeletsano.
ranola, le go sekaseka ditlhangwa ka go itshepa go isegang fa a buisa le go lebelela, fela a go go isegang fa a buisa le go lebelela fela a itemogela kabakanyo e e rileng fa a tlhatlhoba le itemogela kabakanyo e e rileng fa a tlhatlhoba le go tlhalosa; gatelela le go tshegetsa dikakanyo go tlhotlha tshedimosetso; bontsha go tsa gagwe ka go tlhaloganya go go itumedisang; tlhaloganya go go tseneletseng go amogelesega buisetsa kwa godimo ka thelelo le maikutlo a a fa a gatelela le go tshegetsa dikakanyo tsa amogelesegang; bontsha tshisimogo e e gagwe; buisetsa kwa godimo ka thelelo le amogelesegang mo dikakanyong tsa ba bagwe le maikutlo a a amogelesegang; bontsha tshisimogo tsa setso tse di farologaneng. e e amogelesegang mo dikakanyong tsa ba bangwe le tsa setso tse di farologaneng.
kwala le go tlhagisa ditlhangwa ka boitshimololedi, nyalelano le tomagano ya boitshimololedi, nyalelano le tomagano ya dikakanyo le nepagalo e e amogelesegang; dikakanyo le nepagalo e e amogelesegang; kwala/tlhagisa go ya ka baamogedi, maitlhomo, kwala/tlhagisa go ya ka baamogedi, maitlhomo, maemo le kagego ka go farologana go le gantsi; maemo le kagego ka go farologana; rulaganya rulaganya dikakanyo le dintlha tsa tshegetso ka dikakanyo le dintlha tsa tshegetso ka tsela e e diteng le tlhomamo tse di amoselegang; bontsha amogelesegang e tlhaloganyega, e humile e bosupi jo bo rileng jwa boitlhamedi le setaele sa tsepame e bile e bontsha bosupi jo bo rileng jwa gagwe; boeletsa le go tlhotlha diphoso ka thuso boitlhamedi le setaele sa gagwe; boeletsa le go nngwe go netefatsa tokafalo. tlhotlha diphoso ka thuso e e rileng go netefatsa tokafalo.
bontsha bokgoni jo bo amogelesegang jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
Ditlhaloso tsa Bokgoni Ditlhaloso tsa Bokgoni tlhaloganya le go dirisa dipopi le melawana ya tirisopuo ka nepagalo e e amogelegang; ranola, sekaseka le go tlhalosa bokao le tiriso ya mafoko le dipopego tsa mafoko go akaretsa mafoko a bokao jo bo bofitlha ka nepagalo e e amogelesegang; lemoga, sekaseka, tlhatlhoba le go dirisa dipopi tsa dipolelo tse di farologaneng ka maitlhomo a go dirisa puo ka gale le setaele se se rileng fela a dira diphoso; bontsha bokgoni jo bo amogelesegang jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
tlhaloganya le go dirisa dipopi le melawana ya tirisopuo ka nepagalo e e amogelegang; ranola, sekaseka, tlhatlhoba le go tlhalosa dipharologano tse di bofitlha fa gare ga bokao le tiriso ya mafoko le dipopego tsa mafoko ka nepagalo e e amogelesegang; lemoga, sekaseka, tlhatlhoba le go dirisa dipopi tsa dipolelo tse di farologaneng ka maitlhomo a go dirisa puo ka gale le setaele se se rileng fela a dira diphoso tse di sa reng sepe; bontsha bokgoni jo bo amogelesegang jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
bua le go tlhagisa ditlhangwa ka nyalelano le tomagano e e lekaneng ya dikakanyo le ka go itshepa go gonnye go go bonalang; bontsha maitemogelo a a lekaneng le tiriso ya puo e e bontshang tshisimogo le tlotlo; nna tsebentlha go lemoga, ranola sekaseka le go tlhalosa tshedimosetso ka tekano mo maitlhomong a a farologaneng; dirisa puo a bontsha thelelo e e lekaneng le maikutlo mo mabakeng a a tlwaelegileng a tlhaeletsano.
lemoga le go ranola ditlhangwa ka tekano fa a buisa le go lebelela, fela a nna le bothata go sekaseka le go tlhalosa tshedimosetso; bontsha go tlhaloganya go go lekaneng le go tshegetsa dintlha tsa gagwe; buisetsa kwa godimo ka thelelo le maikutlo a a lekaneng; bontsha tshisimogo e e lekaneng mo dikakanyong tsa ba bangwe le tsa setso tse di farologaneng, nna le kelotlhoko e e lekaneng go boitshimololedi, nyalelano le tomagano ya dikakanyo le nepagalo fa a kwala le go tlhagisa; kwala/tlhagisa go ya ka baamogedi, maitlhomo maemo le kagego ka go farologana; tsweletsa dikakanyo le dintlha tsa tshegetso ka tekano fela ka boitlhamedi, diteng le tsepamo e nnye; bontsha bosupi jo bo lekaneng jwa setaele sa gagwe; boeletsa le go tlhotlha diphoso ka thuso ya mongwe go netefatsa tokafalo e e amogelesegang.
bua le go tlhagisa ditlhangwa ka nyalelano le tomagano e e lekaneng ya dikakanyo; bontsha tomagano e e lekaneng ya dikakanyo; bontsha maitemogelo a a lekaneng le tiriso ya puo e e maitemogelo a a lekaneng le tiriso ya puo e e bontshang tshisimogo le tlotlo; nna tsebentlha bontshang tshisimogo le tlotlo; nna tsebentlha go mo kgontsha go ranola, tshedimosetso ka go mo kgontsha go ranola le go sekaseka tekano mo maitlhomong a a farologaneng fela a tshedimosetso ka tekano mo maitlhomong a a nna le bothata jwa go sekaseka, tlhatlhoba le go farologaneng fela a nna le bothata jwa go tlhalosa; dirisa puo e e bontshang thelelo e e tlhatlhoba le go tlhotlha tshedimosetso; dirisa lekaneng, le maikutlo mo mabakeng a puo e e bontshang thelelo e e lekaneng le tlwaelegileng a tlhaeletsano. maikutlo mo mabakeng a a tlwaelegileng a tlhaeletsano.
ranola le go sekaseka ditlhangwa ka tsela e e siameng fa a buisa le go lebelela, fela a siameng fa buisa le go lebelela, fela a itemogela itemogela bothata fa a tlhatlhoba le go tlhalosa bothata fa a tlhatlhoba le go tlhotlha tshedimosetso; bontsha go tlhaloganya go go tshedimosetso; bontsha go tlhaloganya go go lekaneng le go tshegetsa dintlha tsa gagwe; lekaneng le go tshegetsa dikakanyo tsa gagwe; buisetsa kwa godimo ka thelelo le maikutlo a a buisetsa kwa godimo ka thelelo le maikutlo a a lekaneng; bontsha tshisimogo e e siameng mo lekaneng; bontsha tshisimogo mo dikakanyong dikakanyong tsa ba bangwe le tsa setso. tsa ba bangwe le tsa setso tse di farologaneng.
nna le kelotlhoko e e lekaneng go boitlhamedi, nyalelano le tomagano ya dikakanyo le nepagalo nyalelano le tomagano ya dikakanyo le nepagalo fa a kwala le go tlhagisa; kwala/tlhagisa ka tsela fa a kwala le go tlhagisa; kwala/tlhagisa ka tsela e e siameng go ya ka baamogedi, maitlhomo e e siameng go ya ka baamogedi, maitlhomo, maemo le dikagego ka go farologana; tsweletsa maemo le dikagego ka go farologana; tsweletsa dikakanyo le dintlha tsa tshegetso ka tsela e e dikakanyo le dintlha tsa tshegetso ka tsela e e siameng fela a bontsha boitlhamedi jo bonnye, siameng fela a bontsha boitlhamedi jo bonnye, diteng le tsepamo; bontsha bosupi jo bo siameng diteng le tsepamo; bontsha bosupi jo bo siameng jwa setaele sa gagwe; boeletsa le go tlhotlha jwa setaele sa gagwe; boeletsa le go tlhotlha diphoso fela o tlhoka thuso ya mongwe go diphoso fela o tlhoka thuso ya mongwe go netefatsa tokafalo e e siameng. netefatsa tokafalo e e siameng.
Tsweletso kgona go di dirisa ka nepagalo; lemoga le go ranola bokao le dipopego tsa mafoko ka tekano fela a itemogela bothata jo bo rileng fa a sekaseka le go tlhalosa tiriso ya ona, mme ka dinako dingwe a itemogela dipharologano tse di bofitlha; lemoga, sekaseka, tlhalosa le go dirisa dipopi tsa dipolelo ka tekano ka maitlhomo a go dirisa puo ka gale fela a dira diphoso tse di masisi; bontsha bokgoni jo bo lekaneng jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
Ditlhaloso tsa Bokgoni Ditlhaloso tsa Bokgoni tlhaloganya le go dirisa dipopi le melawana ya tirisopuo ka tekano mme a di dirisa ka nepagalo ka dinako dingwe; ranola le go sekaseka bokao jwa mafoko ka tekano fela a itemogela bothata fa a tlhalosa tiriso ya mafoko le dipopego tsa mafoko mme a ka nna le temogo e rileng ya dipharologano tse di bofitlha; lemoga, sekaseka, tlhatlhoba le go dirisa dipopi tsa dipolelo ka tekano ka maitlhomo a go dirisa puo ka gale fela a dira diphoso tse di masisi; bontsha bokgoni jo bo lekaneng jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
tlhaloganya le go dirisa dipopi le melawana ya tirisopuo ka tekano mme a ka di dirisa ka nepagalo ka dinako dingwe; ranola, sekaseka, tlhatlhoba le go tlhalosa dipharologano tse di bofitlha fa gare ga bokao le tiriso ya mafoko le dipopego tsa mafoko ka tekano; lemoga, sekaseka, tlhatlhoba le go dirisa dipopi tsa dipolelo ka tekano ka maitlhomo a go dirisa puo ka gale fela a dira diphoso ka dinako dingwe; bontsha bokgoni jo bo lekaneng jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
bua le go tlhagisa ditlhangwa fela ka kabakanyo mo nyalelanong le tomaganong ya dikakanyo; dirisa puo fela a bontsha tlhokego e kgolo ya maitemogela a tirisopuo e e bontshang tshisimogo le tlotlo; nna tsebentlha ka sewelo kgotsa go lemoga, ranola, sekaseka, le go tlhalosa tshedimosetso mo maitlhomong a a farologaneng; dirisa puo ka thelelo le maikutlo ka sewelo mo mabakeng a a tlwaelegileng a tlhaeletsano.
bontsha go lemoga le go ranola ditlhangwa ka sewelo fa a buisa le go lebelela, mme a nna le bothata go sekaseka le go tlhalosa tshedimosetso e e rileng; bontsha go tlhaloganya kgotsa go tlhagisa dikakanyo tsa gagwe ka sewelo; retelelwa ke go tshegetsa dintlha; buisetsa kwa godimo ka go okaoka a bontsha tlhaelo ya thelelo le maikutlo; bontsha tlhaelo ya tshisimogo mo dikakanyong tsa ba bangwe le mo go tsa setso tse di farologaneng.
kwala le go tlhagisa ditlhangwa fela a bontsha tlhaelo ya boitshimolololedi, nyalelano le tomagano ya dikakanyo, nepagalo kgotsa kelotlhoko mo baamogeding, maitlhomong, maemong le dikagegong tse di farologaneng; rulaganya dikakanyo le dintlha tsa tshegetso ka sewelo kgotsa go bontsha boitlhamedi kgotsa setaele sa gagwe; boeletsa le go tlhotlha diphoso ka thuso e e tlhomameng ya mongwe, fela o retelelwa ke go bona tokafalo.
bua le go tlhagisa ditlhangwa fela ka sewelo nyalelano le tomagano ya dikakanyo e nyalelano le tomagano ya dikakanyo e tlhagelela; bontsha tlhaelo ya maitemogelo a tlhagelela; bontsha maitemogelo a a rileng a tirisopuo ka tshisimogo le tlotlo; retelelwa ke go tirisopuo ka tshisimogo le tlotlo; nna tsebentlha nna tsebentlha go ranola le go sekaseka mme a ka sewelo go ranola, sekaseka, tlhatlhoba le go itemogela bothata jo bogolo fa a tlhatlhoba le go tlhotlha tshedimosetso mo maitlhomong a a tlhalosa tshedimosetso mo maitlhomong a a farologaneng; dirisa puo ka thelelo le maikutlo farologaneng; dirisa puo ka thelelo kgotsa ka ka sewelo mo mabakeng a a farologaneng a maikutlo ka sewelo mo mabakeng a a tlhaeletsano. farologaneng a tlhaeletsano.
ranola ditlhangwa fa a buisa le go lebelela fela buisa le go lebelela; itemogela bothata jo bogolo ka sewelo mme a nna le bothata fa a sekaseka, go tlhatlhoba le go tlhalosa tshedimosetso; tlhatlhoba le go tlhotlha tshedimosetso; bontsha bontsha go tlhaloganya kgotsa go tlhagisa go tlhaloganya go go rileng le go tlhagisa dikakanyo tsa gagwe ka sewelo le ka tlhaelo ya dingwe tsa dikakanyo tsa gagwe mme a na le tshusumetso; buisetsa godimo a okaoka mme tlhaelo ya tshusumetso; buisetsa kwa godimo a thelelo le maikutlo di tlhaela; bontsha tlhaelo ya okaoka mme thelelo le maikutlo di tlhaela; tshisimogo mo dikakanyong tsa ba bangwe le bontsha tlhaelo ya tshisimogo mo dikakanyong mo go tsa setso tse di farologaneng. tsa ba bangwe le mo go tsa setso tse di farologaneng.
kwala le go tlhagisa ditlhangwa fela a bontsha go tsa boitshimololedi, nyalelano le tomagano tlhaelo mo go tsa boitshimololedi, nyalelano le ya dikakanyo, le nepagalo; retelelwa ke go tomagano ya dikakanyo le nepagalo, retelelwa kwala/tlhagisa go ya ka baamogedi, maitlhomo, ke go kwala/tlhagisa go ya ka baamogedi, maemo le dikagego; tsweletsa dikakanyo le maitlhomo le dikakanyo; tsweletsa dikakanyo le dintlha tsa tshegetso ka sewelo kgotsa a bontsha dintlha tsa tshegetso ka bomaleba jo bo rileng boitlhamedi kgotsa setaele sa gagwe; boeletsa le jwa diteng fela tsepamo e sa tlhomama e bile go go tlhotlha diphoso ka thuso e e tlhomameng ya se bosupi bope jwa boitlhamedi kgotsa setaele ya mongwe mme o bontsha tokafalo ka sewelo. sa gagwe; boeletsa le go tlhotlha diphoso ka thuso go le gale mme a bontsha tokafalo ka sewelo.
Tsweletso mo bokaong jwa mafoko le dipopego tsa mafoko a a tlwaelegileng, ka bothata, fela a itemogela bothata jo bogolo go sekaseka le go tlhalosa tiriso ya tsona; lemoga, ranola, tlhalosa le go dirisa ka nepo dipopi tsa dipolelo tse di tlwaelegileng mo maitlhomog a go dirisa puo ka gale mme a dira diphoso tse di masisi; bontsha tlhaelo mo bokgoning jwa tiriso ya thutopuo le tlotlontswe.
tlhaloganya le go dirisa dipopi le melawana ya puo ka nepagalo ka sewelo; ranola le go sekaseka dipharologano mo bokaong jwa mafoko a a tlwaelegileng mme a na le bothata jo bogolo jwa go tlhalosa le go tlhatlhoba tiriso ya mafoko le dipopego tsa mafoko tse di tlwaelegileng; lemoga, sekaseka, tlhalosa le go dirisa dipopego tsa dipolelo ka maitlhomo a tirisopuo ya ka gale ka sewelo le go dira diphoso tse di masisi; bontsha tlhaelo mo bokgoning jwa tiriso ya thutapuo le tlotlontswe.
Ditlhaloso tsa Bokgoni tlhaloganya dipopi le melawana mengwe ya puo mme ka sewelo a di dirisa ka nepagalo; ranola le go sekaseka dipharologano mo bokaong jwa mafoko a a tlwaelegileng fela a nna le bothata jo bogolo jwa go tlhatlhoba le go tlhalosa tiriso ya mafoko le dipopego tsa mafoko; lemoga, ranola sekaseka le go dirisa dipopi tsa dipolelo ka maitlhomo a tirisopuo ya ka gale le fa a na le tlhaelo mo go atlegiseng maitlhomo a gagwe ebile a dira diphoso; bontsha tlhaelo mo bokgoning jwa tiriso ya thutapuo la tlotlontswe.
bua le go tlhagisa ditlhangwa, fela go le gantsi nyalelano ya dikakanyo e seyo; se bontshe maitemogelo ape kgotsa tirisopuo ka tshisimogo le tlotlo; retelelwa ke go nna tsebentlha gotlhelele, go lemoga, ranola sekaseka kgotsa go tlhalosa tshedimosetso mo maitlhomong a a farologaneng; retelelwa ke go dirisa puo ka thelelo le maikutlo mo maemong a a tlwaelegileng.
retelelwa gotlhelele go lemoga, ranola, sekaseka le go tlhalosa ditlhangwa fa a buisa le go lebelela; retelelwa gotlhelele go bontsha go tlhaloganya kgotsa go tlhagisa dikakanyo tsa gagwe mme a tshegetsa dintlha ka sewelo; buisetsa kwa godimo ka bokoa a retelelwa gotlhelele ke go bontsha thelelo le maikutlo, retelelwa gotlhelele ke go bontsha tshisimogo mo dikakanyong tsa ba bangwe le mo go tsa setso tse di farologaneng.
kwala le go tlhagisa ditlhangwa fela go batla go sa supe boitshimololedi, nyalelano le tomagano ya dikakanyo kgotsa nepagalo epe; retelelwa ke go bontsha kelotlhoko mo go kwaleng/go tlhagiseng go ya ka baamogedi maitlhomo le dikagego ka go farologana; retelelwa ke go kwala ka botlhale kgotsa bosupi jwa setaele sa gagwe le dintlha tsa tshegetso di tlhakatlhakane mo e leng gore ga go bokao bope mo setlhangweng se se kwadilweng/tlhagisitsweng; retelelwa gotlhelele ke go boeletsa le go tlhotlha diphoso mo setlhangweng se a se kwadileng.
bua le go tlhagisa ditlhangwa fela ka sewelo kgolo ya nyalelano ya dikakanyo; bontsha nyalelano ya dikakanyo e seyo gotlhelele kgotsa maitemogelo a tirisopuo ka tshisimogo le tlotlo tiriso ya puo e e bontshang tshisimogo le tlotlo; go le gonnye; retelelwa ke go nna tsebentlha go retelelwa ke go nna, tsebentlha go ranola, ranola, sekaseka, tlhatlhoba kgotsa go tlhalosa sekaseka, tlhatlhoba kgotsa go tlhotlha tshedimosetso mo maitlhomong a a tshedimosetso mo maitlhomong a a farologaneng; retelelwa ke go dirisa puo ka farologaneng; retelelwa ke go dirisa puo ka thelelo kgotsa maikutlo mo maemong a a thelelo kgotsa maikutlo mo maemong a a tlwaelegileng a tlhaeletsano. farologaneng a tlhaeletsano.
buisa le go lebelela ditlhangwa fela a itemogela ditlhangwa ka sewelo fa a buisa le go lebelela; bothata jo bogolo fa a ranola, sekaseka, bontsha go tlhaloganya dikakanyo kgotsa go tlhatlhoba le go tlhotlha tshedimosetso; bontsha tlhagisa tshegetso ya dintlha ka sewelo; buisetsa go tlhaloganya, dikakanyo kgotsa tshusumetso kwa godimo ka bokoa a retelelwa ke go bontsha ka sewelo; buisetsa kwa godimo ka bokoa a thelelo kgotsa maikutlo; retelelwa ke go bontsha retelelwa ke go bontsha thelelo kgotsa maikutlo; tshisimogo mo dikakanyong tsa ba bangwe le retelelwa ke go bontsha tshisimogo mo mo go tsa setso tse di farologaneng. dikakanyong tsa ba bangwe le mo go tsa setso tse di farologaneng.
kwala le go tlhagisa ditlhangwa fela a bontsha ke go bontsha boitlhamedi, nyalelano le tlhaelo e kgolo ya bosupi jwa boitshimololedi, tomagano ya dikakanyo; retelelwa gotlhelele ke nyalelano e tomagano ya dikakanyo kgotsa go kwala/tlhagisa go ya ka baamogedi, nepagalo; retelelwa ke go kwala/tlhagisa go ya ka maitlhomo, maemo le dikagego; kwala ka baamogedi, maitlhomo, maemo kgotsa dikagego botlhale ka sewelo a sa bontshe bosupi bope jwa ka go farologana; tlhagisa dikakanyo le dintlha tsa setaele sa gagwe; tlhagisa dikakanyo le dintlha tshegetso fela di le magasagasa, setaele sa gagwe tsa kemo mme di tlhakatlhakane; retelelwa se sena mooko kgotsa a dirisa poapoeletso; gotlhelele go boeletsa le go tlhotlha diphoso mo boeletsa le go tlhotlha diphoso ka thuso ya setlhangweng se a se kwadileng. mongwe ka dinako tsotlhe fela a sa tlhaloganye kgotsa a sa baakanye diphoso.
Tsweletso sekaseka le go tlhalosa bokao le tiriso ya mafoko le dipopego tsa mafoko tse di tlwaelegileng ka nepagalo; dirisa dipolelo tse di senang kagego kgotsa bokao jo bo tlhaloganyegang; bontsha go retelelwa go go feteletseng gwa tiriso ya puo le tlotlontswe.
Ditlhaloso tsa Bokgoni Ditlhaloso tsa Bokgoni tlhaloganya fela metheo ya dipopi le melawana ya tirisopuo fela a di dirisa sentle ka sewelo; retelelwa ke go ranola, sekaseka, tlhatlhoba le go tlhalosa dipharologano fa gare ga bokao le tiriso ya mafoko le dipopego tsa mafoko tse di tlwaelegileng; batla a retelelwa gotlhelele ke go dirisa dipopi tsa dipolelo ka nepagalo ka maitlhomo a tirisopuo ya ka gale; bontsha go retelelwa go go feteletseng gwa tiriso ya puo le tlotlontswe.
tlhaloganya fela metheo ya dipopi le melawana ya tirisopuo fela a di dirisa sentle ka sewelo; retelelwa ke go ranola, sekaseka, tlhathoba le go tlhalosa bokao le tiriso ya mafoko le dipopego tsa mafoko; retelelwa gotlhelele go dirisa dipopi tsa dipolelo ka maitlhomo a tiriso ya puo ka gale; bontsha go retelelwa go go feteletseng gwa tiriso ya puo le tlotlontswe.
Thuto ya dipoelo.baakanya diphoso - go ntsha diphoso tsa mokwalo le matshwao a puiso a etswe tlhoko.baamogedi - bareetsi, babogedi, babuisi ba mefuta e e farologaneng ya tlhaeletsano ka kakaretso.boakaretsi - molawana o o reng thuto e fitlhelelwe ke baithuti botlhe ntle le go ba kgetholola ka ntlha ya bokoa bongwe jwa bona, e ka nna jwa dirwe tsa mmele kana tlhaloganyo.bodiragatsi - go tsaya karolo mo motshamekong, sekai terama.bokgabane - matsetseleko.boitlhamedi - mafoko a setheo kgotsa borutegi jo bo rileng; e le mareo a a ka itsiweng ke ba setheo felaboitshimololedi - boikakanyetsi jwa moithuti ka nosi jo bo kgethegileng, a bo ithaetse go tlhagisa kitso ya gagwe.bonnye jo bo dumeletsweng - ntlha e e kwa tlase e e kayang gore tiragatso e e neilweng e fitlheletswe.
Fa moithuti a newa tiro e e leng gore o tshwanetse go bona diperesente di le 50 go e falola, peresente e, kebonnye jo bo dumeletsweng go falola.bokao jo bo bofitlha - bokao jo bo kunameng bo sa tlhalosege bo le tlhôlôlôbotlhagisi pele jwa setshwantsho le lemorago lwa sone - sekao go tlhagisa dithungthung le pula ya matlakadibe kwa tshimologong ya setshwantsho go latelwa ke ditiragalo tse di tshosang didiriswadintsi - go dirisa mmogo didiriswa jaaka setlhangwa, ditshwantsho, digatisamodumo, thelebipene, bidiyo jj jaaka dithusathuto mo thutong.dikarolo tsa polelo - dikarolwana tse di bopang polelo jk, lediri, sedirwa, letiro, dipolelwana jj.
Dipuo - Setswana Puo ya Gae dipoelo tsa botlhokwa - dipoelo tse, mmogo le Dipoelo tse Dikgolo, tse di bopang Dipoelo tse Kgolo tsa Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso), tse di tlhotlhelediwang ke Molaotheo - di akaretsa dikgono tsa pinagare tsa botshelo tsa baithuti, jaaka tlhaeletsano, kakanyo e e tseneletseng, tiro le tsamaiso ya tshedimosetso, tiro ya ditlhopha le ya baagi le dikgono tsa go lekanyetsa.
dipoelo tsa kgolo - tsona, mmogo le Dipoelo tsa Botlhokwa, di bopa pinagare ya dipoelo tsa Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso), tse di tlhotlheletswang ke Molaotheo - di akaretsa go kgontsha baithuti go ithuta sentle, go nna baagi ba ba nang le boikarabelo.
diponagalo - dilo dingwe tse di itlhophileng tse di tlhaolang se sengwe go se sengwe jaaka poko e farologanale padi. Sekao; Diponagalo tsa leboko ke: ditema, dipoeletso, moribo, morumo, jj.dipotso tse di sa batleng dikarabo - jaaka A lo batla go boela mo pusong ele ya tlhaolele?
dipotso tse di tseneletseng - dipotso tse di lekang kitso bogolo jang ka dikgaisano le go itumedisa.ditsela tsa ditiro - tiro e moithuti a batlang go e dira morago ga dithuto. Dithuto tse a di tlhophileng tsamotheo di lebane le tiro eo.
ditshwanelo tsa botho - sengwe le sengwe se ka molaotheo wa naga e leng tshwanelo ya moagi mongwe le mongwe, go se dira, bua, amogela jalojalo kwa ntle ga go kgorelediwa kgotsa go kgoreletsa ba bangwe.ditshwantshotshupetso - ditshwantsho tse di nolofaditsweng go bontsha popego kgotsa ka mo selo sebonwang ka teng.
emelela ntlha (go) - go ema kgatlhanong le tlhaselo ka maitlhomo a go netefatsa se a se buang/emetseng.go beela lonao - go beela motho serai kgotsa go epela motho lemena.go phopholetsa - go batla ka go utlwelela ka menwana o sa bone kgotsa go leka go tlhaloganya se o se utlwang ka go akanya.go tlhagisa ntlha ya gagwe - go akgela kgotsa go tshwaela.godisa - go oketsa kitso, bokgoni, kgotsa popego.ineelo - dira tiro kgotsa diragatsa maitlhomo ka botswapelo.ka botlalo - go akaretsa dintlha tse dingwe tse di tlhokagalang kgotsa tse di tshegetsang.kaedi - go thusa ka dikakanyo, dikeletso kgotsa tshedimosetso tse di nang le thuto nngwe ka maitlhomo a go rarabolola bothata go kgontsha batho go ikemela ka bobona.kagego - thulaganyo ya setlhangwa go ya ka popego, bogolo le tatelano ya diteng.
ka tekano - se se dirwang se dirwa ka tsela e e lebeletsweng kgotsa e e amogelegang.kakanyetso - dilo tse di akanngwang e le nnete ka maemo.katlholelopele - kakanyo e e fosagetseng e e dirwang e sena bosupi kgotsa e sa sekasekwa ke mongwe.kgato - kitsiso ya kgotsa bokgoni jwa tiro go ya jaaka fa e dirwa go tswa kwa tshimologong go fitlha kwa bokhutlong.
kgasakgaso - maiteko a ka bomo a go leka go tlhotlheletsa dikakanyo tsa batho ka go tlhagisa tshedimosetso ee ka nnang nnete kgotsa maaka ka maikaelelo a go dira gore ba dumele se ba se utlwang kgotsa ba se bonang.kgobokanyo ya dintlha - go kgobokanya dintlha tse di tsamaelanang ka go di golaganya ka mela.kgonya - go ema tsi! fa o buisalebelela ka tsenelelo - go lebelela lokwalo kgotsa go lo sekaseka ka maitlhomo a go bona bokao jo bo fitlhegileng le go le tlhaloganya.
lebolelateng - mofuta wa bolwetse jo mogare wa lona o atelang mo mading a motswasetlhabelo morago ga gotshwaediwa mme o koafatse masole a mmele.leetsi - mafoko a a etsisang modumo wa sengwe.lenaanenetefatso - papetlana e go kwadilweng dintlha tse di tla lebelelwang fa tiro e e neetsweng e atlega kana e sa atlege ka go feta di tshwaiwa mme morago go tsewe tshwetso e e maleba.
Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetphaba Dikereiti 10 - 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) mme a tlhangwa kediporofense, dikolo le barutisi.letlhomeso la taolo ya borutegi la bosetphaba - ke morero o o tshwanang le go farologana le paakanyo e e laolang go ithuta le go ruta mo Aferika Borwa.letshwao - sengwe se se tshwantshitsweng go tsibosa kgotsa go fetisa tshedimosetso/taelo. Sekao; letshwao le, le tlhalosa gore mmino ga o a dumelelwa.
le, le bolela gore batho ba ba dirisang ditilo tsa maotwana ba ka dirisa tulo e.
maemo a tekanyetso - kitso, kgono le maikutlo tse baithuti ba tshwanetseng go di bontsha le gore ba fitlheletse dipoelothuto mo kereiting nngwe le nngwe.
Dipuo - Setswana Puo ya Gae mafoko a a bokaobontsi - sekao: (i) Mothusi ke kgosi ya Bakgatla kgr:-ke moetapele wa morafe, o tlhomilwe go nna kgosi. (ii) Ke kgosi kwa tirong kgr:-ke ena yo mogolo ka maemo. (iii) Ke kgosi kwa lapeng la gaabo kgr:-ke ena tibola ntha, ngwana wa ntlha.
maitlhomo - lebaka le le dirang gore sengwe se dirwe kgotsa se nne teng.marara - ditiragalo/dintlha tse dintsi tse di golaganeng di le thata go tlhaloganyega.matseno - tlhaloso e e botlalo ka ga sengwe se go buiwang kgotsa go kwadilweng ka ga sona. Sekao; modikwalong matseno a tlhagisa moanelwamogolo, motlhodi wa kgotlhang, lefelokgang, nako jj.
mefuta ya dikwalo - lereo le le dirisetswang mefuta ya dikwalo jaaka diporouse tsa boitlhamedi, maboko lediterama. mefuta ya dipolelo - go na le mefuta e e farologaneng ya dipolelo tse di jaaka dipotso, ditaelo, dipegelo jj.
mekamekana - go dirisana, buisana, lebelela, le go reetsana ka botlalo le ka mokgwa o o rileng go nna le seabe mmogo.melawana - ditlwaelo tse di amogelegileng ka kakaretso, e ka nna ka tsela ya boitshwaro, go buisana le bathoba bangwe kgotsa ka mo mafoko a tshwanetseng go latelana ka teng mo polelong.
metheo e e rulaganyang - metheo le manaane a go ruta a a itshetlegileng ka bokgoni jo bo tshwanetseng go godisiwa mo baithuting le ditlhangwa tse di tla letlang baithuti go tlhatlhoba dintlha tse di ba amang, tsa setphaba le tsa lefatshe lotlhe.
mogare wa lebolelateng - lebelela lebolelatengmogopolo - se motho a se akanyang; monagano.mokgwa - ke tsela e tiro e dirwang ka yona.mokwalotlanyo - go kwala ka motshini o o tlanyang, ka khomputara kgotsa sebalamakgolo.molao wa boitshwaro - melao ya botho e e laolang kgotsa e e tlhotlheletsang boitshwaro jwa motho.motlhala - ntlha kgotsa lenathwana la bosupi le le dirisiwang go tlhagisa nnete e e fitlhegileng kgotsa go rarabolola bothata.namatsha - go itumedisa tota.ngôka - ôka sengwe ka go se kgatlha.nonofo - go tlhagisa tiro ka mokgwa o o lebeletsweng o o atlegileng.
ntlhakemo - ntlha e mmui a e dibelang mo dipuisanong fa a neela mabaka a a maleba.nyalelano - mogopolo le dikakanyo di du malana sentle.pegelo - go bega sengwe ka go se ranola ka maitlhomo a go senola bokao jwa sona.pegelo ya kharikhulamo ya bosetphaba - pegelo e e emelang pholisi ya go ithuta le go ruta kwa dikolong mo thutong ya Thuto le Katiso e e Tswelelang. Poelo ya go Ithuta - dipholo kwa bofelong ba tiro ya go ithuta mo thutong e e ikaegileng ka dipoelo tse dithusang go batla tiro ya go ithuta.pueletsopuiso - go buisa ka maitlhomo a go netefatsa fa o kwadile sentle go se na difatlhi, morago o tlhagisetiro ya gago go ka buisiwa ke botlhe porofaele ya moithuti - rekotokakaretso ya moithuti, go akarediwa tshedimosetso ka ga gagwe, kgolo yaloago, ditlhokego tsa tshegetso, dikao tsa bontlhanngwe jwa tiro ya gagwe, le pegelo ya ngwaga otlhe. potofolio ya moithuti - faele ya moithuti mongwe le mongwe kgotsa kokoanyo ya tiro ya gagwe ya tekanyetso ya tsweletso ya ngwaga otlhe.
potsotherisano - puisano gareng ga batho ba babedi kgotsa go feta, yo mongwe a botsa mme yo mongwe aaraba.poloto - thulaganyo ya ditiragalo tsa setlhangwa, go tloga ka tshimologo, setlhoa le bokhutlo, mme di akaretsa kgang/thitokgang e le nngwe.
polotwana - thulaganyo ya ditiragalo tse dingwe tse dinnye ka fa gare ga lokwalo le le lengwe mmetiragalonyana e, e na le tshimologo, setlhoa le bokhutlo ba yona.puo e e ithaetsweng - puo e e itlhametswengpuo eo e dirisiwang go bua ka thuto ya puo - puo e e dirisang tlotlontswe e e jaaka lediri, poloto, tematheto, leina, letlhalosi jj.
puo ya botshwantshi - mafoko le dipolelo di lere bokao jwa dikapuo jaoka, tshwantshanyo, mothofatso letshwantshisopuo ya kgobelelo - puo e e tsayang letlhakore e dira gore go nne thata go tsaya tshwetso e e siameng.puo ya tlhotlheletso - maikutlo a dirisiwa go gapa le go sia ka mogopolo wa motho.puo tlaleletso - puo ya bobedi kgotsa ya boraro e e ithutiwang mmogo le puo ya gae.
Dipuo - Setswana Puo ya Gae puo - tsela ya batho ya tlhaeletsano ka go bua, go kwala kgotsa puo ya matsogo ka tiriso ya mafoko a godumelelanwang ka ona.puo ya go ruta le go ithuta - puo e e dirisiwang mo sekolong go ruta le go ithuta.
puo ya tikologo e e rileng - puo e e buiwang ke batho fela ba tikologo kgotsa karolo e e rileng ya naga. puotlwaelo - puo e e dirisiwang mo motlotlong fela go sa dirisiwe mafoko a a maleba/a a siameng kana go salatelwe melao le melawana ya tiriso ya puo.
puotswako - puo e e seng ya semmuso e ka gale e dirisiwang ke setlhopha sa batho jaaka go dirisa mafoko a dipuo tse dingwe mo puong. (puo ya botsotsi).rerisana - go leka go fitlhelela tumalano kgotsa go fitlhelela tumalano ka go tlosa dipelaelo dingwe famongwe a buisana le bangwe. Go leka go bona tsela kgotsa mokgwa wa go tlhaloganya se se buisiwang, reediwang kgotsa dirwang.
segalo - lentswe, modumo, bokibo le mosito fa motho a ne a bua kgotsa a opela.se se kwadilweng - bokao jo bo tlhamaletseng jo bo ka golaganngwang le se se kwadilweng.segalo - tsela ya go kapodisa lefoko go fapaanya bokao jwa lona le a mangwe a a nang le modumo o o tshwanang le lona.
sekgamu sa thuto le katiso e e tswelelang (STKT) - ke thuto ya dingwaga di le 3 tsa thuto ya sekolo gotloga ka kereiti 10-12. Ke kgato ya bofelo ya Thuto le katiso kwa dikolong.setlhangwa - tsela e motlhaeletsi a e dirisang go tlhagisa kgotsa go fetisa tshedimosetso jaaka: go kwala, bua, leba, supetsa jj.setshwano sa popego - ka mo selo se bopegileng ka teng.
setifikeiti sa thuto le katiso e e tswelelang (STKT) - lokwalo lo lo amogelwang morago ga go wetsa sekgamusa Thuto le Katiso e e Tswelelang.tebokakaretso - thadisokakaretso kgotsa tshobokanyo ya sengwe.tebo ya matlho - go bua le go buisa o ntse o lebelela bareetsi mo matlhong.tekanyetso - puo, kitso, bokgoni, le boitshwaro tse moithuti a tshwanetseng go di ithuta le go di dira/supetsa tsa kwa bofelong jwa kereiti e e rileng.tekanyetso e e tswelelang - ke tekanyetso e e tsweletseng e e rotloetsang tswakanyo ya tekanyetso mo goruteng le mo go goleng ga baithuti ka tsela e e tsweletseng ka go itsise tiragalo.
tekanyetso - tiragalo e e rulagantsweng e e tswelelang ya go kokoanya tshedimosetso ka ga bokgoni jwa moithuti, jo bo lekanyeditsweng go ya ka Maemo a Tekanyetso.
thadiso - go neela ka tlhaloso ya mongwe, sengwe kgotsa tiragalo ka mokgwa wa go kwala kgotsa go bua. thelelo - go buisa ka maikutlo a a maleba le diteng, lentswe le segalo di nyalelana e bile melao ya puiso yotlhe e nepagetse.
thesorase - bukafoko ya makaelagongwe le malatodi.tomagano - dikakanyo tse di tlhalosegang ka dikarolwana tsa tsone tsa go tlhalosa kgotsa go dira sengwe.thôôthôô - ga nnete, se e leng sona tota.thuto e e kwa godimo - kgato ya thuto e e tlang morago ga Kereiti ya 12. E ka ithutiwa kwa diyunibesithing le kwa dithekenikoneng tseo di welang mo legatong lwa thuto e e kwa godimo.
thuto tsa boitshenkedi - setlhopha sa dithuto tse moithuti a ka di itlhophelang go tlaleletsa palo ya dithuto tse di tlhokegang. thuto tsa motheo - setlhopha sa dithuto tse moithuti a ka ithutang tsona go ya ka tiro e a batlang go e dira fa a batla go ithutela tiro tsa kgwebo o tla tsaya dithuto tsa kgwebo.thuto tsa patelesego - setlhopha sa dithuto tse moithuti a patelesegang go di ithuta go falola kereiti.thuto ya kakaretso le katiso - dingwaga tse di lesome tsa pateletso tsa sekolo tse di akaretsang thutopotlana, thuto e e magareng le thuto e e godimo.tiisa - go kopanya manathwana a dilo jk. Dikakanyo, dintlha go bopa selo se le sengwe se se tlhaloganyegang.tikologo - maemo a a farologaneng a tiro e diragalelang mo go yona.tiragatso - ditlamorago tse di nnang teng morago ga tiro e sena go dirwa.tiriso ya puo - ka mo puo e dirisiwang ka teng go lebilwe bosemmuso, tlotlontswe, kapodiso, jj. Le gore e lebiseditswe mang, kae.tiro - tiro e e newang baithuti go e dira, e ka nna go reetsa, go bua, kwala, lebelela, tlhotlhomisa jj.tlhaeletsano - puisano ka mogala, lekwalo, seya le mowa thelebeshine le ka kokgwa mongwe le mongwe fela o o ka otlegisang kgorogo thomelo ya molaetsatlhagisa - go neela tshedimosetso ka ga sengwe kgotsa kgang.
Dipuo - Setswana Puo ya Gae tlhama - ke sengwe se se simololwang kgotsa se se bopiwang ka maitlhomo a go fana ka tshedimosetso kgotsa go dirisiwa.
tlhamo ya kakanyo - tlhamo ya se se akantsweng/itlhametsweng se diriwa nnete.tlhaolele ya bosemorafe, dingwaga, bong, maemo a bokgoni/tsholo - lemoga pharologano kgotsa go dirisapharologanyo go letlelela kgotsa go thibela sengwe.
tlhaoletsweng - go eletsa kgotsa go laela tiriso ya sengwe mo karolong/setlhopheng/mophatong o o rileng ka nako e e rileng. Sekao; dikolo di ka elediwa kgotsa go laelwa go dirisa dibuka tse di rileng mo mephatong e e rileng ka dingwaga tse di rileng, e le go nna le taolo ya tiriso le ya tekanyetso ya tsona.
tlhatlhelela - mokgwa wa go neela tshedimosetso go baithuti mo phaposing kgotsa bareetsi ka ga thuto e e rileng.tlhotlha diphoso - go sekaseka, lolamisa, go ntsha diphoso tsotlhe mo setlhangweng morago o nyalanyedintlha.
tlhatlhoba/sekaseka - tlhatlhobo ka mokgwa o o rileng go bona sebopego kgotsa se tlhamilwe jang.tlhatlhoba ka tsenelelo - bopa kakanyo ya boleng le bokao jwa sengwe.tlhatlhobo e e tswelelang - sekao sa tlhatlhobo e e rotloetsang tomagano ya tlhatlhobo mo go ruteng le tswelelong ya baithuti go ya ka pegelo e e tswelelang.
tlhatlhobophitlhelelo - mofuta wa tlhatlhobo e e tlhatlhobang tswelelopele ya moithuti go neelana ka pegelo e e tla tiisang go ithuta. tlhotlheletso ka botlhale gore batho ba nne mo letlhakoreng la mmui - puo ya maitlhomo a go ngoka batho gore ba dumele se mmui a se buang ka tsela e e sa siamang.tlhotlhomisa - go batlisisa sengwe se se sa tlhagisiwang sentle ka go buisa, botsa dipotso, lebelela jj. go se tlhalosa.tlodisa matlho - go lebelela sengwe e se ka tsenelelo /kgotsa go buisa ka bonako go bona kakanyokakaretso.tlopelo - tiriso ya mafoko a mantsi a a sa tlhokegeng.tota - go dira sengwe ka tlhamalalo; se gaisa, se nepagetsetotobetseng - bokao jo bo tlhamaletseng e bile bo kwadilwe.tsaya letlhakore (go) - go sekamela mo, kgotsa go gatelela letlhakore, kakanyo kgotsa motho yo o rileng.
tsela - dintlha/ditlhokego tse di beilweng, mme di tshwanetse go fitlhelelwa ka maitlhomo a go lekanyetsakgotsa go amogelega.tsepameng - ntlha e e leng ya botlhokwa mo go se go buiwang ka ga sona.
tshetlego - go naya karabo e e nang le mabaka a a tswang mo bopaking jo bo rileng.tshwantshiso - e lemogiwa ka tiriso ya tlhamalalo fa go tshwantshangwa dilo, sekao: Pule ke tau ke go rePule o bogale jaaka tau.
<fn>Setswana SAL P1 Memo.txt</fn>
Nnotagi / Ditlamorago tsa tiriso e e botlhaswa ya nnotagi.
Go tswela boitekanelo ba motho mosola.
Dikotsi tsa dirori.
Se se diragalang kwa morago.
Bothata ba go gakologelwa.
E tlisetsa motho mathata.
Ntlha, bojalwa bo ka fetola botshelo jwa motho go ya masweng.
Thuto e botlhokwa mo setšhabeng le mo matshelong a batho.
Thuto ke senotlolo sa botshelo jo bontle/ go nna le botshelo jo bo eletsegang.
Fa o se na thuto e e maleba ga o bone tiro bonolo.
O tla ketefalelwa ke botshelo ka kakaretso.
O tla kgona go fitlhelela se a se batlang mo botshelong.
O tla ithuta ka dinako tsotlhe.
Moruti o ya kwa go Molatlhegi fa a mmona a lela.
Molatlhegi o aketsa moruti gore o sokologile.
Moruti o ne a mo rapelela.
A baya madi a a tsentsweng mo kgetsing fa thoko ga mojako.
O ne a baya kgetsana ya madi fa ntlheng ya mojako.
Molatlhegi o ne a tsena ka motse.a tshaba.
Moruti a lemoga fa a fetsa go rapela gore kgetsana ya madi e ile.
Ga a itse gore a direng.
Moruti a tsena mo kotsing mme a ikgomotsa ka gore satane o mo otlile mo tlhogong.
Mosadi o tlhokomela bana ba gagwe sentle.
Nama ya nku e fedile go setse ditlhogo fela.
O falola dithuto tsa gagwe sentle.
Malome o amogetse lekwalwana/lekwalonyana maabane.
Kolotsana/ koloinyana e robegile gaufi le lebenkele.
Re ba bone kwa teng maloba.
Bosula - Kwa bosula bo diragalelang kwa teng go botlhoko.
Tlhoa / ila - Mmule o ila Pule thata morago ga komano ya bona.
A se ke a akanya go ganela.
Ke ba boleletse gore ke tla falola dithuto tsa me.
Go tshoga thata.
Ke batlile go welwa ke letlapa maabane.
Ke ratile diphetogo tsa naga ya rona.
Magogwe o rata go buisa dibuka tse di monate.
Monna o buisa basimane kgomo.
Bana ba bona dilo tse di tshosang.
Bona ba tsamaile bosigo.
Batho ba ne ba tlile phitlhong ya ga Mosidi, le fa go ntse jalo, Pule ena ga a tla.
Ee, ditlhotlhwa di ile kwa tlasenyana/di fokoditswe.
Dinkgo di bontsha sekao sa didiriswa tsa setso tsa Aferika.
Re tla go thusa ka ponyo ya leitlho.
Gore batho ba bantsi ba ba ratang dijo tsa mothale o ba kgone go di reka.
Tlhotlhwa ya go reka dikgogo, dinku le dikgomo e folositswe.
<fn>Setswana SAL P2 Nov 2009.txt</fn>
Pampiri e, e na le ditsebe di le 7.
Pampiri e, e arogantswe ka dikarolo di le THARO e leng A, B le C.
KAROLO YA B: Ditlhangwa tse dileele tsa tirisano gammogo le ditlhangwa tse di dirisang mekgwa e e farologaneng ya tlhaeletsano.
KAROLO YA C: Ditlhangwa tse dikhutshwane tsa tirisano/tshupetso/ tshedimosetso/pono/gammogo le ditlhangwa tse di dirisang mekgwa e e farologaneng ya tlhaeletsano.
Baithuti ba tshwanetse go araba potso e le NNGWE go tswa mo karolong nngwe le nngwe.
Karolo NNGWE le NNGWE e simololwe mo tsebeng e NTŠHWA, mme kwa bokhutlong jwa karabo moithuti a thalele.
Tlogela mola mo magareng a dikarolo tsa gago.
Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang.
Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo.
Baithuti ba tla abelwa maduo a go dira lenaneo la thulaganyo, go tsereganya le go buisa tiro ya bona pele ba araba dipotso.
Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 200 - 250 ka ga NNGWE fela ya ditlhogo tse di latelang kgotsa ditshwantsho tse di neilweng. Fa o dirisa setshwantsho go kwala tlhamo, se neele setlhogo se se maleba. O se ka wa lebala go thala letlhomeso/lenaneopaakanyo pele o kwala.
Sekaseka setshwantsho se se fa tlase, mme o tlotle ka ga bonokwane jo bo diragalang mo nageng ya rona letsatsi le letsatsi.
Ga ke kitla ke lebala letsatsi leo...
Bogodu ga bo duele.
Leba setshwantsho se se latelang, mme o tlotle ka ga se se diragalang.
Keteko ya letsatsi la Keresemose mo polaseng e tlisa mowa wa poelano le tirisano.
Leba setshwantsho se se fa tlase, mme o kwale maikutlo a gago ka ga sona.
Batsadi ba tsenngwa ke bana mo mathateng.
Leba setshwantsho se se latelang, mme morago o ntshe maikutlo a gago ka ga sona.
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong ya B. Karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 80 - 100.
Kwalela tsala ya gago lekwalo o mo kope go tla go jela malatsi a boikhutso kwa gaeno. Mo gopotse gore a se ka a lebala go itsise batsadi.
Baagisani ba lona ba le thusitse thata mo tirong ya go bula matlapa. Ba kwalele lekwalo la ditebogo.
Thalela morwarraago karata ya keleletsomasego ka a falotse dithuto tsa gagwe tsa bongaka mme morago o e mo romelele.
O mongwe wa baemedi ba baithuti mo sekolong sa lona. Kwalela mogokgo pegelo e khutshwane ka go tla thari ga bana ba sekolo sa lona letsatsi le letsatsi.
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong ya C. Karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 60 - 80.
O kopilwe ke lekgotla la kereke ya ga lona go thalela batlamoletlong dikaelo tsa go ya kwa kerekeng. O se ka wa lebala go akaretsa maina a dikolo, mabenkele, diholo, le diphaka.
Thala phousetara e e tla tsibosang babuisi ka bakgweetsi ba ba se nang makwalo a a maleba.
Romela posekarata e mo go yona o tlhalosang ka mokgwa o o kileng wa timela, mme wa itharabologelelwa o le kwa toropong e o sa e itseng.
<fn>Setswana SAL P2 Feb-March 2009.txt</fn>
Pampiri e, e na le ditsebe di le 5.
Pampiri e, e arogantswe ka dikarolo di le THARO e leng A, B le C.
KAROLO YA A: Tlhamo.
KAROLO YA B: Ditlhangwa tse dileele tsa tirisano gammogo le ditlhangwa tse di dirisang mekgwa e e farologaneng ya tlhaeletsano.
KAROLO YA C: Ditlhangwa tse dikhutshwane tsa tirisano/tshupetso/ tshedimosetso/pono/gammogo le ditlhangwa tse di dirisang mekgwa e e farologaneng ya tlhaeletsano.
Baithuti ba tshwanetse go araba potso e le NNGWE go tswa mo karolong nngwe le nngwe.
Karolo nngwe le nngwe e simololwe mo tsebeng e ntšhwa mme kwa bokhutlong jwa karabo moithuti a thalele.
Tlogela mola mo magareng a dikarolo tsa gago.
Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang.
Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo.
Baithuti ba tla abelwa maduo a go dira lenaneo la thulaganyo, go tsereganya le go buisa tiro ya bona pele ba araba dipotso.
Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 200 - 250 ka ga NNGWE fela ya ditlhogo tse di latelang kgotsa ditshwantsho tse di neilweng. Fa o dirisa setshwantsho go kwala tlhamo, se neele setlhogo se se maleba.
Mafelo a a gololesegileng mo tlhabololong ke dirai tsa bosenyi le borukhutli.
Bosenyi, dipolaano, dipetelelo le dikgothoso tsa mabenkele le tsa dijanaga tsa madi a a kwa godimo di tshosetsa ditiragalo tsa 2010 gonne go bontsha e kete mapodisi a retelelwa ke go laola maemo.
Lefelo la boitapoloso le ke ileng ka le itumelela.
Selo se se bosula se se kileng sa diragala mo sekolong sa rona.
Leba setshwantsho se se fa tlase , mme o kwale tlhamo ka ga sona.
Nagana tiro e o ka ratang go e dira fa o fetsa sekolo. Fana ka mabaka mangwe a a dirang gore tiro e e nne e o e ratang thata. Kwala tlhamo go tlhalosa se.
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong ya B, karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 80 - 100.
O bone tšhono ya go amogela le go neelana ka marobalo le dijo tsa ditlhopha tsa kgwele ya dinao di le lesome go tswa mo nageng ya Aforika Borwa ka bophara, mme o tshwanelwa ke go golagana le motlhankedi wa dikamano wa naga e. Mo kwalele lekwalo mme o dire thulaganyo le ena.
Kwala mmuisano o mo go ona o tla buisanang le leloko la lekgotla la sekolo (SGB), ka magodu a a utswang dithoto tsa sekolo, mme a di rekisetsa baagi/ batho ba mo motseng.
Kwala lekwalo la botsalano o le lebise kwa go malomaago, o mo leboge ka fa a go thusitseng ka teng go duela madi a loeto lwa sekolo.
O ne o tsamaya gaufi le mmila mongwe mo toropong ya ga lona. Motho o ne a thulwa ke koloi mme a latlhegelwa ke botshelo. Kwala pegelo e khutshwane ka ga ditiragalo tsa letsatsi leo, o e lebise kwa sepodising.
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong ya C. Karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 60 - 80.
Thala posekarata ya keleletsomasego o e lebise kwa baithuting-ka-wena o ba eleletse masego mo ditlhatlhobong tsa bona tsa mophato wa bolesomepedi.
Kwala karata ya taletso e mo go yona o laletsang tsala ya gago go tla go tsenela keteko ya moletlo wa mmino wa setso o o rulagantsweng ke seteišene sengwe sa radio kwa letamong la Mmatlasagagwe mo kgweding e e tlang.
Go na le kopano ya mokgatlho wa lekgotla la baithuti la sedika sa lona, mme o kopilwe ke mokgatlho go neelana ka tshedimosetso ya tsela go tloga kwa boemeladipalangweng go fitlha kwa lefelong la kopano. Thala tshedimosetso eo o akaretsa dilo di tshwana le maina a mebila, dikolo, dikereke, matshwao a tsela le tse dingwe.
<fn>Setswana SAL P2 Nov 2008.txt</fn>
Pampiri e, e na le ditsebe di le 5.
Pampiri e, e arogantswe ka dikarolo di le THARO e leng A, B le C.
KAROLO YA A: Tlhamo.
KAROLO YA B: Ditlhangwa tse dileele tsa tirisano gammogo le ditlhangwa tse di dirisang mekgwa e e farologaneng ya tlhaeletsano.
KAROLO YA C: Ditlhangwa tse dikhutshwane tsa tirisano/tshupetso/ tshedimosetso/pono/gammogo le ditlhangwa tse di dirisang mekgwa e e farologaneng ya tlhaeletsano.
Baithuti ba tshwanetse go araba potso e le NNGWE go tswa mo karolong nngwe le nngwe.
Karolo nngwe le nngwe e simololwe mo tsebeng e ntšhwa mme kwa bokhutlong jwa karabo moithuti a thalele.
Tlogela mola mo magareng a dikarolo tsa gago.
Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang.
Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo.
Baithuti ba tla abelwa maduo a go dira lenaneo la thulaganyo, go tsereganya le go buisa tiro ya bona pele ba araba dipotso.
Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 200 - 250 ka ga NNGWE fela ya ditlhogo tse di latelang kgotsa ditshwantsho tse di neilweng. Fa o dirisa setshwantsho go kwala tlhamo, se neele setlhogo se se maleba.
Bosula jo bo tlisiwang ke diritibatsi.
Barutabana ke batho ba ba botlhokwa mo matshelong a rona.
Bosimane ga se bogole.
Botlhokwa jwa mmê mo lelapeng.
Sekaseka setshwantsho se se fa tlase se, ka ga kgotlelego ya metsi, mme o anele ka botlalo.
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong ya B, karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 80 - 100.
Leba setshwantsho se se latelang, mme morago o kwalele ratoropo lekwalo le mo go lona o ngongoregang ka mathata a a tlhagelelang mo go sona.
O ne o emetse sekolo sa lona kwa kopanong ya boditšhabatšhaba ya bolwetse jwa lebolelamading. Kwalela mogokgo pegelo ka ga se se diragetseng koo.
Kwalela tsala ya gago lekwalo le mo go lona o mo gomotsang jaaka fa a tlhokafaletswe ke mmaagwe.
Kwala puisano magareng ga mogolo le mošwa mabapi le ditshwanelo tsa bona.
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong ya C. Karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 60 - 80.
Sekolo sa lona se go rometse kwa moseja (Amerika) gore o ye go oketsa kitso ya gago ya dikhomphutara. Romela morutabana wa gago posekarata e mo go yona o mmolelelang ka moo dithuto di yang ka teng.
Tshomarelo ya motlakase.
Kotsi e e ka tlisiwang ke motlakase le dintlha tse dingwe.
O ne o tlhagetswe ke kotsi ya sejanaga, mme jaanong o fodile. Thala karata ya tebogo mme o e romelele ngaka e e neng e go tlhokometse mo nakong ya bolwetse.
<fn>Setswana SAL P2.txt</fn>
Pampiri e, e arogantswe ka dikarolo di le THARO e leng A, B le C.
Baithuti ba tshwanetse go araba potso e le NNGWE go tswa mo go KAROLO A, KAROLO B le KAROLO C.
Karolo nngwe le nngwe e simololwe mo tsebeng e ntšhwa mme kwa bokhutlong jwa karolo moithuti a thalele.
Tlogela mola mo magareng a dikarabo tsa gago.
Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang.
Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo.
Baithuti ba tla abelwa maduo a go dira lenaneo la thulaganyo, go baakanya le go buisa gape tiro ya bona pele ba araba dipotso.
Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 200 - 250 ka ga NNGWE fela ya ditlhogo tse di latelang kgotsa ditshwantsho tse di neilweng. Fa o dirisa setshwantsho go kwala tlhamo, se neele setlhogo.
Letsatsi leo, ga nkitla ke le lebala mo botshelong jwa me.
Maitsholo a baithuti a a sa itumediseng kwa dikolong.
Leba setshwantsho se se latelang mme morago o kwale tlhamo ka ga sona.
Ditshwanelo tsa bana ka dinako dingwe, di a gatakakiwa. Kwala maitemogelo a gago mabapi le se.
Molao wa kwa sekolong ke wa barutwana. Dumela kgotsa o ganetse setlhogo se.
Fa nka nna Mmueledi.
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. Karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 80 - 100.
Kwalela tsala ya gago lekwalo mme mo go lona o mmolelele ka monnao yo o falotseng dithuto tsa gagwe tsa bongaka.
Motse wa gaeno o iponela mathata a go ima ga bašwa. Kwalela ba lefapha la loago lekwalo la ngongorego mme o ba kope go tla go dira sengwe ka se.
O ne o le moemedi wa mokgatlho wa baithuti kwa metshamekong ya mabelo ya boditšhabatšhaba ya tikologo ya lona. Neelana ka pegelo o tlhagisa ka botlalo tse di diragetseng koo.
Kwala puisano o ikaegile ka setshwantsho se se fa tlase.
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. Karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 60 - 80.
Baithuti ba sekolo sengwe ba batla go lo etela mabapi le go ithuta go le gontsi ka tsamaiso ya mokgatlho wa bašwa mme ga ba itse tsela. Ba neele dintlha ka tsela ya go ba fitlhisa kwa sekolong sa lona.
Buisa sekao se se latelang go go kgontsha go dira se.
Fa o ya kwa lebenkeleng la diaparo la ga rre Modise, o tswa ka mmila wa Mothudi mme o tlole mebila e le mebedi. Mo go wa boraro o tsena ka mmila wa Tshekedi ka fa molemeng, go fitlha o feta kereke ya Roma ka fa mojeng. Mo robotong o tsena mo mojeng go fitlha o bona lebenkele la dijo mme lebenkele la ga rre Modise le lebagane le lona.
Kwala kitsiso e e phatlhaladiwang, e mo go yona o ngongoregang ka petelelo e e kwa godimo e e aparetseng naga ya gaeno.
Go tla bo go ketekwa moletlo wa lenyalo la ga mogoloo ka malatsi a khunologo a Keresemose. Thala le go itirela karata mme o laletse ditsala tsa gago.
<fn>StateoftheNation.2007.2009-04. Tn.txt</fn>
Re a itse gore fa Mme Adelaide Tambo a ne a tlhokafala, o ne a sa tswa go gololwa kwa bookelong. Fela ka ntlha ya gore re itse le gore o ne a na le mowa o o maatla le thata ya go nna a tswelela jaaka lesole mo gare ga batshedi, re ne re ikaeletse go mo amogela le maloko a mangwe a lelapa la gagwe jaaka baeng ba rona mo tiragalong e e botlhokwa e. Fela ga go a ka ga nna jalo.
Ka moso re tla bo re mo naya tlotlo ya bofelo jaaka re tla bo re boloka masaledi a gagwe. Ka jalo o tla nna le rona fela mo moweng ka Diphalane monongwaga, fa re tla bo re keteka segopotso sa bo90 sa botsalo jwa mogatse, rraago bana ba gagwe, tsala ya gagwe, mokaulengwe wa gagwe, le morwa yo o tlhageletseng wa batho ba rona, Oliver Reginald Tambo. Re boa re fetisetsa matshediso a rona kwa lelapeng la ga Tambo.
Fela ke itumetse go lemoga mo gare ga rona, boteng jwa ga Motlotlegi Albertina Luthuli, morwadia Moamogedi wa rona wa ntlha wa moputso wa Nobel wa Kagiso, Kgosi Albert Luthuli, o loso lwa gagwe lo lo botlhoko mo dingwageng tse 40 tse di fetileng re le ketekang monongwaga, re gakologelwa letsatsi la matlhotlhapelo fa go ne go begwa gore o garaswantswe ke setimela se se neng se le mo lebelong kwa masimong a sukiri a KwaDukuza. Loso lwa gagwe lo ne lo tshosa e bile lo gakgamatsa ka ntlha ya fa botshelo jwa gagwe e ne le naledi ya mosupatsela e e neng e re isa kwa kgololosegong e re e itumelelang gompieno.
Ke utlwa ke ipela gore Aforika Borwa wa temokerasi e nnile le tlhaloganyo le tsibogo ka go lemoga seabe sa ga Albert Luthuli le Oliver Tambo mo setšhabeng sa rona ka go bitsa Matshwao a Bosetšhaba a rona ka bona - Letshwao la Luthuli, le Letswao la Ditsala tsa ga O.R. Tambo. Ke itse gape le boipelo jwa ba ba amogetsweng mo makaleng a Matshwao a Bosetšhaba a a itsegeng.
Ke motlotlo gape le go amogela mo Ntlong e, baipelaetsi ba Mogwanto wa Basadi wa 1956 le ba Dikhuduego tsa Soweto tsa 1976 ba ba ntseng mo lebokosong la ga Moporesitente, gammogo le bagale ba rona ba ba itsegeng go tswa kwa diporofenseng tsotlhe, ba ba tshitshintsweng ke Dibui tsa rona tsa Diporofense go tla go oketsa setlhopha sa baeng ba tlotlego ba ba leng fa gompieno.
Puso ya batho ba Aforika Borwa, e ke buang mo boemong jwa yona gompieno, jaaka ke ne ka nna lesego go dira jalo le mo dingwageng tse di fetileng, e ne ya bopega ka 2004, morago ga Ditlhopho-Kakaretso tsa ngwaga oo.
Kwa Lekgotla kgotsa Bosberaad ya yona ya ngwaga le ngwaga, Kabinete ya Bosetšhaba e e leng kwa setlhoeng sa tsamaiso ya puso e re leng lesego go e okamela, e ne ya leba ntlha ya gore kopano ya yona e ne e supa paka e e fa gare ya botshelo jwa puso e e tsetsweng ka ditlhopho tsa rona tse di fetileng tsa 2004.
Fa re lemoga se, go ne ga nna maleba gore re ipotse potso - ke tswelelopele efe e re e dirileng mo maitekong a go fitlhelela maikaelelo a rona a re neng ra bolelela setšhaba gore re a ikemiseditse, a ka ntlha ya ona batho ba rona ba neng ba re naya thata e kgolo go laola naga ya rona go tloga ka 2004 go fitlha ditlhopho tse di latelang tsa 2009! Ka boipelo, ke rata go tsaya kgato go leba kwa morago, go gopola se re neng ra se bua ka 2004, jaaka baemedi ba batho ba rona, mo botennyeng jwa ditsala tsa rona go tswa lefatsheng ka bophara, fa re ne kopane kwa lefelong la puso ya rona kwa Union Buildings kwa Tshwane ka Letsatsi la Kgololosego, e leng keteko ya ngwaga wa bolesome wa kgololosego ya rona, mme ra nna le seabe mo go Ikanisiweng ga Moporesitente wa Rephaboliki, o Palamente e mo tlhophileng, e tlotla thato ya batho e e supilweng ka temokerasi mo ditlhophong tsa 2004.
Mo sebakeng se seleele naga ya rona e ne e na le e bile e emela thata tse di bosula e bile di sa eletsege mo setšhabeng...
E ne e le lefelo le mo go lona go belegwa o le montsho e neng e le go amogela khutso ya botshelo jotlhe. E ne e le lefelo le mo go lona go belegwa o le mosweu e neng e le go rwala morwalo wa leruri wa poifo le tšhakgalo e e fitlhegileng...
E ne e le lefelo le mo go lona bosula, monkgo wa bodidi, dipeipi tse di bulegileng, sebodu ka ntlha ya tshenyego, boidiidi jwa batho ba ba kgaphetsweng thoko, ditshwantsho tse di sa khutleng tsa mafelo a go latlhetsweng matlakala ka botlhaswa, di tsewa jaaka sengwe se se botlhokwa go etleetsa bontle jwa lefatshe le lengwe la mebila e e phepa, le mela ya logong, le mabolomo a thuntse le ditlhaga tse ditala tse di opelang, dinonyane le matlo a a tshwanelang magosi le bahumagadi, mmino o o molotsana, le lorato.
"E ne e le lefelo le mo go lona go nna mo mafelong mangwe e ne e le go laletsa ba bangwe go tla go go senyetsa kgotsa go ikatlhola ka go senyetsa ba bangwe, baagisani ba ba neng ba tshwanetse go nna batswasetlhabelo ba nnotagi le diribatsi tse di neng di okobatsa kutlobotlhoko ya botshelo, ba ba neng ba itse gore matshelo a bona ga a kitla a siama ntle le polao mo mafelong a bona, petelelo le dintwa tse di maswe gare ga batho go se lebaka. "E ne e le lefelo le mo go lona go nna mo mafelong a mangwe e neng e le go itumelela pabalesego le tshireletso ka ntlha ya gore go babalesega e ne e le go sirelediwa ke mabota a a kwa godimo, magora a motlakase, dintšwa tse di tlhokometseng, mapodisi a etse maemo tlhoko, le sesole se ikemiseditse go sireletsa ba e neng e le beng ba rona, ka dithunya, ditanka le difofane tse di neng di ka nesa pula ya loso mo go bao ba ka kgoreletsang kagiso ya beng ba rona...
"Re kokoane fano gompieno, mo Letsatsing la Kgololosego, gonne mo tsamaong ya nako batho ba rona mmogo le dibilione tsa batho go ralala lefatshe, ba e leng bakaulengwe ba rona tlhabanong e bile ba emetswe ke baeng ba rona ba ba leng teng, ba ne ba swetsa gore - a tsotlhe tse di fele! "Re rotloeditswe thata ke Ditlhopho-Kakaretso tsa nako e e fetileng tse di neng tsa netefatsa maikaelelo a batho botlhe ba rona, go sa kgathaletsege mmala, lotso, go dira mmogo go aga Aforika Borwa wa toro e e tshwanang e e itsiweng ke botlhe...
"Ga go bope jwa mathata a magolo a loago, a re tshwanetseng go a rarabolola, jo bo kgonang go rarabologa kwa ntle ga bokaelo jwa go tlhola ditiro le go fokotsa le go fedisa botlhoki. Se se amana le tsotlhe, go simolola ka tlhabololo ya boitekanelo jwa batho ba rona, go ya kwa go fokotseng maemo a bosenyi, go godisa maemo a puisokwalo le thutapalo, le go bulela botlhe dikgoro tsa go ithuta le setso "Re solofetsa bagale botlhe ba ba intshitseng setlhabelo gore re bone kgololosego, ga mmogo le lona, ditsala tsa rona go ralala lefatshe, gore ga re kitla re swabisa tshepo e lo e beileng mo go rona fa lo ne lo re thusa go re neela kgonego ya go fetola Aforika Borwa go nna naga ya temokerasi, kagiso, e e sa tlhaoleng go ya ka morafe, bong e bile e tswelela pele, e e ineetseng mo ponong ya bongwe jwa setho.
"Tiro ya go tlhama Aforika Borwa oo e simolotse. Tiro eo e tla tswelela mo Ngwagasomeng wa Bobedi wa Kgololosego ya rona." Dingwaga tse 50 pele ga foo, fa ba ne ba siamisetsa Mokgatlo wa Batho, o o amogetseng Tumalano ya Kgololosego (Freedom Charter), bagale ba nako eo ba rile, "Tlayang re bue mmogo, botlhe mmogo - Maaforika le Mayuropa, Maindia le Bammala batho botlhe ba Aforika Borwa ... Tlayang re bue mmogo ka kgololosego. Le ka boitumelo jo bo ka tlelang banna le basadi fa ba nna mo lefatsheng le le gololosegileng".
Re tshwanetse go ntšhwafatsa maikano a rona gompieno go bua ka kgololosego, go dira ka semphato go lemoga boitumelo jwa tsotlhe tse di tla tliswang ke kgololosego, go dira mmogo go aga Aforika Borwa yo o tlhaloswang ke toro e e tshwanang, gore ka go dira mmogo - go lekane ka tsotlhe tse di dirileng gore naga ya rona e nne le go emela setšhaba sa setho se se bosula e bile se sa eletsege! Re tshwanetse go tswelela go tsibogela maitlhomo a re buileng ka ona fa puso ya ga jaana e ne e simolola paka ya yona ya tiro, e itse ka botlalo gore "ga go bope jwa mathata a magolo a loago a re tshwanetseng go a rarabolola bo kgonang go rarabologa kwa ntle ga bokaelo jwa go tlhola ditiro le go fokotsa le go fedisa botlhoki", mme ka jalo "ntwa ya go fedisa botlhoki e ntse e le, e bile e tla tswelela go nna karolo e e botlhokwa ya maiteko a bosetšhaba a go aga Aforika Borwa yo mošwa".
go tswelela go nna le seabe mo go rarabololeng dipotso tse di botlhokwa tse di lebaganeng le batho ba lefatshe.
Ke motlotlo go bega gore tebang le maikaelelo otlhe a, puso e tswelela ka tiro ya go netefatsa gore maitlhomo a setšhaba a a fitlhelelwa. Ka palogare ya go feta 4,5%, seelo sa kgolo ya ikonomi ya rona mo dingwageng tse pedi le halofo tse di fetileng se ne se le kwa godimo fa e sa le re bona temokerasi ka 1994. Peeletso mo ikonoming, ka makala a puso le a poraefete e ntse e oketsega ka bokana ka 11%, ka ditshenyegelo ka kakaretso tsa lekala la puso di le mo palogareng ya 15,8%. Gompieno, peeletso e e tsepamisitsweng jaaka peresente ya Ditlhagiswa ka Kakaretso tsa Selegae (GDP) - ka bokana ka 18,4% - e kwa godimo fa e sale ka 1991.
Palo ya batho ba ba thapilweng e ntse e oketsega ka bokana ka halofo ya milione ka ngwaga mo dingwageng tse tharo tse di fetileng. Re bone tswelelopele e e tsepameng mo maatlafatsong ya Bantsho mo ikonoming. Go tswa go go nna le matlotlo a dimmaraka a kwa godingwana ga 3% ya JSE ka 2004, palo e e oketsegile go ya go 5%; mme tekatekano ya Bantsho mo botsamaising jo bo kwa godimo e godile go tloga go 24% go ya go 27%. Fela re tshwanetse go nna re tshwenyega gore dipalo tse di sa ntse di le kwa tlase thata.
Tswelelopele mo ikonoming e re tliseditse dikgwetlho di le dintsi. Koketsego e e kwa godimo ya ditlhoko tsa badirisi e supa kgolo e e itekanetseng mo maemong a tswelelopele go ralala baagi; mme diporojeke tse dikgolo tsa mafaratlhatlha tse re di dirang di tlhoka tlamelo e kgolo le metšhini. Fela tekano ya kananyo ya rona ya boditšhabatšhaba e supa gore ga re a atlega mo go ageng bokgoni jwa go tlhagisa dithoto tsa badirisi le matlole tse naga ya rona e di tlhokang. Le fa e le gore sekoloto sa mo magaeng se oketsegile ka seelo se se lekanang le sa kgolo ya lotseno, ntlha ya gore Maaforika Borwa a boloka go le gonnye e kaya gore re tshwanetse go ikaega ka dipoloko tsa ditšhaba tse dingwe. Go tswelela go tlhoka tsepamo ga ledi la rona ga go a siamela diintaseteri tsa rona tsa diromelwantle.
Mo dingwageng tse tharo tse di fetileng, ikonomi e tlhodile ditiro di ka nna milione le halofo. Go a rotloetsa gore mo ngwageng wa Mopitlwe 2005 go fitlha go Mopitlwe 2006 fela, ditiro di le 300 000 tsa tse di tlhodilweng di ne di le mo lekaleng ka kwa ntle ga temothuo, e leng se se supang kgolo ya bokana ka 4%. Karolo e nnye ya tsona ke ditšhono tsa ditiro tsa leruri ka Thulaganyo e e Katolositsweng ya Ditiro tsa Setšhaba (Expanded Public Works Programme). Fela ga go makatse gore thulaganyo e bile e tshwanetse go godisiwa thata. E bile ga go tikatiko gore re ka dira botoka go gaisa go tlhola batho ba ba itirelang ka dikgwebo-potlana le tse di magareng. Mme fa re lebile bontsi jwa bašwa ba ba sa direng, re ka dira botoka ka ditsereganyo tse di jaaka Tirelo ya Bašwa ya Bosetšhaba (National Youth Service) le tlhabololo ya bagwebi ba bašwa.
Ke ka boipelo gore go nyalana le maikaelelo a rona a go aga setšhaba se se kgathalang, fa e sa le ka 2004 re tokafaditse tlamelo ya ditirelo gammogo le dintlha tse dingwe tsa meputso ya loago. Fa baamogedi ba dithebolelo tsa loago ba ne ba balelwa go bokana ka dimilione tse 8 ka 2004, gompieno dimilione tse 11 tsa Maaforika Borwa a a tlhokang di fitlhelela dithebolelo tse. Go a rotloetsa gore kelo ya go tsewa, go sa le gale, e nnile mo maemong a a laolegang, jaaka thulaganyo e e ntse e gola. Se se tla netefatsa tswelelo, le go dirisiwa ga maano a mantsi a puso go tlamela ka ditirelo tsa ikonomi go tlhola ditiro le ditšhono tsa ditiro.
Thulaganyo ya matlo e tlhagisitse dithuso di ka nna 300 000 mo dingwageng tse pedi tse di fetileng. Le fa go le jalo, jaaka re ne re batla go tokafatsa boleng le go tokafatsa dithulaganyo go ba ba tlolwang ke dithulaganyo tsa lekala la puso le la poraefete tse ga jaana di tswelelang, lobelo lwa thebolo lo nnile bonya go gaisa ka moo go neng go solofetswe. Re tshwanetse go dira sengwe go fetola maemo a.
Jaaka malolo a a tlotlegang a itse, mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng re tlhomile le go simolola mananeo a a kobileng go tokafatsa dipalangwa tsa botlhe. Ona a akaretsa lenaneo la go fetolwa ga dithekisi le maiteko a diporofense a a jaaka Moloto Rail Corridor kwa Mpumalanga e e leng gore dipatlisiso di setse di simolotse ka yona, Klipfontein Corridor kwa Cape Town le porojeke ya Gautrain le kgolagano ya yona le mekgwa yotlhe ya dipalangwa tsa botlhe.
Maiteko a le a mangwe a mantsi ke karolo ya leano le le tletseng la dipalangwa, a a akaretsang tsela le seporo. Re tla ela tlhoko go tsenngwa tirisong ka bonako ga mananeo a go tokafatsa boleng jwa botshelo segolo jwa batho ba ba dirang.
Phitlhelelo ya motlakase, metsi le kelelaleswe e tokafetse. Ka 2005, Aforika Borwa e ne e setse e fitlheletse Maitlhomo a Tlhabololo a Ngwagakete (Millennium Development Goal) malebana le tlamelo ka metsi, ka tokafalo ya phitlhelelo go tloga go 59% ka 1994 go ya go 83% ka 2006. Go ya ka United Nations Development Programme (UNDP), Aforika Borwa ke nngwe ya dinaga di le mmalwa tse di dirisang go le gonnye mo ditekanyetsokabong tsa sesole go na le metsi le kelelaleswe.
" Aforika Borwa e supile ka moo tshwanelo ya motho go bona metsi e ka nnang sediriswa sa maatlafatso le go kaela pholisi... Kagosešwa ya metsi e e ikaegileng ka ditshwanelo e kgontshitse go katolosa phitlhelelo le go fenya tlwaelo ya go se lekalekane go ya ka mmala go go ungwilweng mo tlhaoleleng, ka dithebolelo tse di theilweng mo ditshwanelong, gareng ga tse dingwe".
Ammaaruri re tshwanetse go keteka phitlhelelo e kgolo e. Fela ke boammaruri gore batho ba le dimilione tse 8 ba sa ntse ba se na metsi. Bontsi bo sa ntse bo se na motlakase le kelelaleswe.
Re motlotlo gore mo ngwageng o le mongwe re kgonne go fokotsa tshalelomorago ya go fedisiwa ga tiriso ya dikgamelo mo mafelong a a tlhabolotsweng ka bokana ka halofo. Re ikaelela go fedisa tsela e e digang seriti e mo mafelong ao mo bofelong jwa ngwaga o.
Re tla tswelela go samagana le dikgwetlho tse gore re phimole mo nageng ya rona tse di maswe e bile di sa eletsege gore mmogo re kgone go bua ka kgololosego le boitumelo jo bo tliswang ke tokologo. Tlhatlhobo ya thuto le go bona dinonofo e supa tokafalo ya maemo a a kwa godimo ka 2004, le fa e le bonya. Se se akaretsa maemo a puisokwalo, ikwadiso ka karetso mo dikolong le dielo tsa go nna le seabe mo ditheong tsa thuto e e kwa godimo. Dielo tse di sa tsepamang tsa phalolo ya Materiki di supa gore go na le tse dintsi tse di sa ntseng di tshwanetse go dirwa go tsepamisa maemo le go netefatsa tokafalo e e tsepameng. Le fa go le jalo, palo ya baithuti ba Materiki ba ba falolang Mmetse ka maemo a a kwa godimo e botokanyana mo go ya 1995. Re tswelela pele gape le go supa makoa mo go tsenyeng tirisong lenaneo la Thuto ya Bagodi la Motheo (Adult Basic Education programme).
Le fa lenaneo la pusetso ya mafatshe le bakile ditharabololo tse dintsi go sa le gale, re sa ntse re tshwanela go dira ka natla go samagana le dikgetse tse di setseng, tse bontsi jwa tsona di leng mafaratlhatlha. Mo letlhakoreng le lengwe, go nnile le tswelelopele e nnye fela mo pusetsong ya mafatshe. Re tla lebisisa ka tlhoafalo dikgoreletsi tse di leng teng gore lenaneo le le itlhaganedisiwe ka bonako. Mananeo otlhe a ikonomi le loago ke karolo maano a rona a go fokotsa le go fedisa botlhoki jo bo tswelelang go utlwisa batho ba bantsi botlhoko. Tiro e e dirilweng ngogola, ke basadi ka South African Women in Dialogue ba dirisana mmogo le mafapha a a farologaneng a puso, go akaretsa go etela kwa dinageng tse di jaaka Tunisia le Chile kwa go dirilweng tswelelopele e kgolo mo go lweng le botlhoki, e supa makoa mo tsamaisong ya rona mo ntlheng e.
Itlhaganedisa katiso ya Badirediloago ba Malapa kwa maemong a seporofešenale le a tlaleletso go nefatsa gore malapa a a supilweng a tshegediwa le go elwa tlhoko ka tshwanelo.
Se se tla netefatsa go golaganngwa go go maleba ga baamogedi ba thuso ya loago le ditirelo tsa mmasepala le ditšhono tsa ditiro, go tswelelwa go ela tlhoko tiro ya go netefatsa gore bontsi jwa batho ba rona ba tswa mo go ikaegeng ka dithebolelo tsa loago mme ba tsena mo mmarakeng wa ditiro. Go sa le jalo, re tla tswelela go sekaseka maiteko a mašwa a a tla tswelelang go tokafatsa moputso wa loago.
Kgato ya botlhokwa ya dikgatotharabololo tse tsa loago e tshwanetse go nna maatlafatso ya maiteko a a tlhakanetsweng gareng ga Maaforika Borwa otlhe go tokafatsa momagano ya loago.
Mo ngwageng o wa segopotso sa bo60 sa Doctors Pact sa baeteledipele ba ditšhaba tsa Aforika le India (AB Xuma, GM Naicker le Yusuf Dadoo), segopotso sa bo30 sa polao ya ga Steve Biko le segopotso sa bo20 sa go etela kwa Dakar ga matlhale a Maaforikanere go kopana le ANC, ntlha ya pharologano ya ditebo tsa rona le ntlha e e botlhokwa ya go nna wa Aforika Borwa e tshwanetse go goelediwa mo baaging botlhe, ka tsela e e maatlafatsang kopano ya rona jaaka setšhaba. Gape, mo go sona segopotso sa bo30 sa go kganelwa ga makwalodikgang a The World le The Weekend World, re tshwanetse go botsa potso - a botlhe re amogetse maikarabelo a rona ka botlalo a go aga momagano ya loago le go tswelela go nna seoposengwe, le go gatelela noto e e re golagantseng!
Ka mafoko a mangwe, mekgwa e e tlhokegang go tokafatsa momagano ya loago, e ka se diragadiwe ke puso e le esi. Re tshwanetse go dira mmogo jaaka Maaforika Borwa go bua ka kgololosego go tswa mo botlhoking le go tswa mo tshenyegong ya maitsholo, mme re dire go fitlhelela boitumelo jo bo tlang nayo.
Ke na le bonnete jwa gore re tla dumelana gore go dira mmogo go fitlhelela boitumelo jo bo tlang le kgololosego go fela jalo le ka kgwetlho ya go samagana le bosenyi.
Go rotloetsa kagiso le tshireletsego go tla akaretsa batho botlhe. Go tla agelela mo le go atolosa keletso ya setšhaba ya kagiso le go lwa le tirisodikgoka e e tletseng e baagi ba lebagananeng nayo re etse tlhoko mekgwa e e farologaneng ya tirisodikgoka kgatlhanong le basadi...
"Kagiso le tsepamo ya sepolotiki le tsona di botlhokwa mo maitekong a puso a go tlhoma tikologo e e rotloetsang peeletso Kgato e e botlhokwa e tshwanetse go tsewa go fedisa tlolomolao, thekiso ya diribatsi, go tlala ga dithunya, bosenyi segolo go sotlwa ga basadi le bana."
Ee, re ka se kgone go phimola tse di maswe tse di sa eletsegeng mme ra goeletsa boitumelo jo bo tlang le kgololosego fa batho ba tshelela mo poifong, ba iphitlhile mo morago ga dipota le magora a terata e e tlhabang, ba nna ba tshogile mo matlong a bona, mo mebileng le mo ditseleng tsa rona, ba sa kgone go itumelela mafelo a setšhaba ka kgololosego. Re tshwanetse go tswelela go maatlafatsa kgaratlho kgatlhanong le bosenyi.
Le fa re setse re fetile palo e e neng e lebilwe ya batlhankedi ba sepodisi ba le 152 000 ba ba thapilweng ke Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa, e bile re tokafaditse lenaneo la katiso, re lemoga ntlha ya gore seabe sa se ga se ise se lekane gore mongwe le mongwe a ka ikutlwela tshireletsego le pabalesego e e lekaneng. Le fa re fokoditse go tlhagelela ga bosenyi jwa go ama, kelo ya phokotso ya ngwaga le ngwaga mo mabakeng a a jaaka kgothoso, tlhaselo le polao e sa ntse e le kwa tlase ga 7 - 10% e re neng re rata go e fitlhelela. Mme le tshotlakako ya basadi le bana e ntse e tswelela ka seelo se se sa amogelegeng.
Koketsego ya bosenyi jo bo rileng ka nako ya go ngala tiro ga badiredi ba tshireletso e tshwanetse go bo e re lemositse rotlhe gore intaseteri ya tshireletso e ka se tsewe fela jaaka morero wa poraefete wa lekala la poraefete. Go a itshupa gore maanotekanyetso a re nang nao ga a lekana. Tse di ama merero e e jaaka dielo tsa meputso, mekgwa ya go tlhatlhoba badiri, go gatelelwa ga melawana mo diroring tse di tsamaisang madi, jalojalo.
Ntlha e e tla lebisisiwa mo tsamaong ya ngwaga, gore, mo godimo ga tokafatso ya tiro ya sepodisi, mmogo le intaseteri ya tshireletso ya poraefete, re ka tlhola tikologo e mo go yona ditsholofelo tsa tshirelotso tsa baagi, tse mo go tsona go tlhokegang maano a mantsi, di fitlhelelwe.
Re tla tswelela gape go dira ka natla go tokafatsa tiro ya dikgotlatshekelo tsa rona, go oketsa seelo sa go fokotsa tshalelo morago ya dikgetse. Re tla netefatsa gape gore ditshwetso tsa go oketsa mafaratlhatlha a Ditirelo tsa Kgopololo, go tokafatsa tsamaiso ya Taolo ya Melelwane gammogo le ditirelo tsa go tsena mo nageng le ditlankana tse di maleba, gareng ga tse dingwe, di tsenngwa tirisong.
Bontsi jwa makoa mo go tokafatseng ditirelo go baagi ke ka ntlha ya tlhaelo le bokgoni le mekgwa ya go ela tlhoko go tsenngwa tirisong. Ka ntlha ya se, mo pakeng e e fitlhang go 2009, ntlha ya thulaganyo le bokgoni jwa puso e tla nna e ntse e le kwa godimo mo lenanatemeng la rona.
Se se tlhageletseng, gareng ga tse dingwe, jaaka lefelo le le tlhokang kgato e e botoka ka bonako ke diteng tsa katiso e badiredipuso ba e amogelang mo ditheong tse di farologaneng le seabe sa SA Management Development Institute (SAMDI) e ka tshwanelo e tshwanetseng go nna motlamedi yo mogolo wa ditirelo go akaretsa le go katisiwa ga badiredipuso.
Maemo a tolamo mo teng ga mafapha, malebama le molao wa bodiredipuso le tsamaiso ya matlole, le ona a tlhakatlhakantswe. Se ga se kitla se letlwa go tswelela, le fa re etse tlhoko gore temogo e e nepagetseng ya ditlhokego tsa boruni kwa maemong a bosetšhaba le a porofense e tswelela go gagamala. Mo ntlheng e, tiriso ya lenaneo la tumalano ya tiragatso, segolo mo botsamaising jwa kwa godimo, e botlhokwa.
Mananeo a go tokafatsa maemo a tsamaiso ya dipusoselegae a ntse a tswelela sentle. Morago fela ga ditlhopho tsa dipusoselegae tsa Mopitlwe 2006, mananeo a katiso a ne a dirwa, go etswe tlhoko 62% tsa boratoropo ba bašwa.
Se se tshwenyang ke gore mo bontsing jwa bommasepala ba, diphatlhatiro ga di tladiwe kgotsa di tlhagelela mo boeteledipeleng jwa kwa godimo le diporofešene. Sekao, ka Lwetse ngogola, 27% tsa bommasepala ba ne ba se na batsamaisi ba bommasepala; kwa Porofenseng ya Bokone Bophirima, seelo sa diphatlhatiro kwa maemong a boeteledipele jwa kwa godimo e ne e le 50%; kwa Mpumalanga ke fela 1% ya batsamaisi ba ba kwa godimo ba ba konoseditseng Ditumalano tsa Ditiragatso tsa Botlhokwa (Key Performance Agreements).
Re tswelela go tsibogela dikgwetlho tse mme re tla dira ditiro tse di maleba, re tlhotlhelediwa ke Leano la Dingwaga tse Tlhano la Dipusoselegae (Five Year Local Government Strategic Agenda), le le akaretsang ditheo tsa bosetšhaba le tsa porofense di thusa bommasepala ka go dira, go isiwa ga badiri ba ba nang le dinonofo go akaretsa baithaopi ba porofešenale go tswa mo setšhabeng, go maatlafadiwa ga Dikomiti tsa Didika - tse 80% ya tsona e tlhomilweng go ralala naga.
Lenaneo la go lolamisa didiriswa tsa togamaano go kgabaganya maemo a puso, e leng National Spatial Development Perspective, Provincial Growth and Development Strategies le Integrated Development Plans le a tswelela, ka diporojeke tsa teko go fitlhelela tolamo e e feletseng e e dirwang mo didikeng tse 13 le ditoropokgolo. Diporojeke tse tsa teko di tshwanetse go konosediwa kwa bokhutlong jwa monongwaga.
Ke ntlha ya boipelo ya gore go feta halofo ya didika le ditoropokgolo di setse di tshwere Disamiti tsa tsona tsa Kgolo le Tlhabololo, mme tse di setseng di ikaelela go dira jalo pele ga mafelo a Tlhakole. Se se tla tlhoma motheo wa tirisano gareng ga balekane ba loago mo go itlhaganediseng tlhabololo ya ikonomi ya selegae. Maloko a a tlotlegang; Ke rata go tsaya tšhono e go tlhagisa ditebogo tsa me go Motlatsa Moporesitente Phumzile Mlambo-Ngcuka ka boeteledipele jo bo manontlhotlho jo a bo neetseng go tsenya tirisong Accelerated and Shared Growth Initiative (AsgiSA), a dira le Ditona le Ditonakgolo ba e neng e le Setlhopha sa Tiro, ba samagana le dintlha tse di rileng tse di tshwanetseng go dirwa go netefatsa dielo tse di kwa godimo tsa peeletso le go tlhola ditiro, ga mmogo le merero e e amanang le tlhabololo ya dinonofo le tiragatso ya lenaneo la puso. Re itumelela seabe sa Maloko otlhe a Khuduthamaga le balaodi ba bodiredipuso ba rona, mo makaleng a le mararo a puso, mo go eteleleng pele tiragalo e le go tsenya tirisong lenaneo la puso ka botlalo. Se se botlhokwa mo maitekong a rona a go phimola tse di maswe e bile di sa eletsege mo setšhabeng sa rona gore re kgone go bua ka kgololosego le boitumelo jo bo tlang le tokologo.
tlhoma leano la go baya kwa setlhoeng dikgatotsenelelo mo go tsa meepo le diminerale, temothuo le tirego ya ditlhagiswa tsa temothuo, lekala la dithoto tse ditshweu, intaseteri ya tsa botlhami, ditirelo tsa setšhaba le loago le dikhemisi. Le tshwanetse go akaretsa keletso ya go oketsa bokgoni jwa bosetšhaba tlhagisa dithoto tsa matlole. Malebana le tsa diminerale, re tlile go tlhoma State Diamond Trader e e tla rekang 10% tsa diteemane go tswa mo batlhagising ba selegae mme ba di rekisetse basegi le badirisi ba selegae.
tlhoma mananeo a go tlhotlheletsa dipeeletso mo makaleng a a tsamaisanang le motseleletsele wa tlamelo ka mananeo a mafaratlhatlha a rona, go akaretsa dithoto tsa matlole tsa ITC, dipalangwa le maatla: malebana le maatla, re tla dira ka natla go netefatsa go ikaega go gogolo ka tlhagiso ya maatla a nutlere, gase ya tlhago le mefuta e e farologaneng ya metswedi ya maatla a a ntšhwafadiwang. Tebang le dikgokagano, ke motlotlo go bega gore Lefapha la Dikgokagano ga mmogo le ditlamo tsa megala ya diselula le Telkom di konosetsa maano a go samagana le dielo tse di kgaolang megala monongwaga tse di tla tswelang badirisi botlhe mosola. Gape, Telkom e tla tsenya tirisong seelo se se kwa tlase se se kgethegileng sa makhubu a boditšhabatšhaba mo ditikwatikweng tsa megala di le 10 nngwe le nngwe e thapa batho ba le 1 000, jaaka karolo ya maiteko a go katolosa lekala la BPO. Ditikwatikwe tse di tla tlhongwa mo mafelong a a tla supiwang ke puso. Seelo se se kgethegileng se tla bapisega le sa dinaga tse dingwe ka kgwedi ditirelo le bokgoni tse di neelwang mo dinageng tse di mabapi.
Re tla tsaya le dikgato tse di farologaneng go tokafatsa kgaisano mo go tsa ikonomi, gareng ga tse dingwe go isa tlase tlhwatlhwa ya go dira kgwebo le go rotloetsa peeletso, go akaretsa go tlhagisiwa ga tsamaiso ya Regulatory Impact Assessment (RIA), tlhabololo bokgoni jwa lebelo le le kwa godimo la mafaratlhatlha a bosetšhaba le a boditšhabatšhaba, go konosetsa leano la go tokafatsa bokgoni jwa badirisi ba seporo le maemelakepe, le go maatlafatsa bokgoni jwa ditheo tsa rona tsa kgaisano.
Tswelelopele e re setseng re e dirile malebana le go fetola Dikholeji tsa Thuto e e Tswelelang le Katiso (FET) e tlisitse kgonego ya gore re oketse palo ya bataki ba ba leng teng. Go simolola monongwaga, didiriswa di tla rebolwa go tlisa thuso ya matlole e bakatisiwa ba e tlhokang, go tsena mo ditheong tse. Go sa le jalo, re tla rarabolola ntlha ya maikarabelo ka bonako jo bo kgonegang magareng ga dikarolo tsa bosetšhaba le tsa porofense mo botsamaising jwa FET. Re solofela gore maiteko a rona a go rotloetsa karolo e ya ditšhono a tla thusa go romela molaetsa, segolo go bašwa, gore dinonofo tsa bataki di tlhokega mo kgolong ya ikonomi fela jaaka dithutego tsa maemo a mangwe.
Morago ga kgolagano e e tseneletseng magareng ga puso le baeteledipele kwa diyunibesithing tsa rona, go fitlheletswe tumalano mme go tserwe ditshweetso ka ga maano a a tlhokegang go netefatsa gore dinonofo tse di tlhaelang di a tlamelwa.
Mo ntlheng e, re rata go akgola seabe sa Joint Initiative on Skills Acquisition (JIPSA), se se kopanyang puso, kgwebo, ditiro, ditheo tsa katiso le tse dingwe.
Jaaka maloko a a tlotlegang a itse, re okeditse gape palo ya dikolo tse di sa dueleng madi a sekolo.
Mo go tsweletseng mafaratlhatlha a le mananeo a mangwe re tla itsisiwe ka boineelo jwa rona go netefatsa gore Sejana sa Lefatshe sa FIFA 2010 ke se se gaisang ke di kileng tsa nna teng. Re eletsa gore mo ntlheng e re akgole Komiti ya Dithutlaganyo tsa Selegae (LOC) le balekane ba bangwe ka tiro e e manontlhotlho e ba e dirang.
Go netefatsa gore Maaforika Borwa otlhe a itumelela boitumelo bo bo tlang le kgolo ya ikonomi, mekgwa e le e mengwe e tla tshwanelwa ke go dirwa mmogo le lenaneo le le gagametseng go samagana le dikgwetlho tsa Ikonomi ya Bobedi.
go simolola go tsenya tirisong Molao wa Dithata tsa Lefatshe le le Kopanetsweng (Communal Land Rights Act) go kgona go tokafatsa tiriso ya ikonomi ya lefatshe le le kopanetsweng.
Mananeo a ikonomi a re buileng ka ona ke karolo ya maikaelelo a mo go ona Aforika Borwa yotlhe e tshwanetseng go samanagana nao go kgona go fokotsa maemo a botlhoki le go se lekalekane mo setšhabeng sa rona. Mo go rona ga se puo fela go gatelela gore katlego ya temokerasi ya rona e tshwanetse e bile e tla lekanyediwa ka dikgato tse di bonalang tse re di tsayang go tokafatsa boleng jwa botshelo jwa ba ba bokoa mo setšhabeng sa rona.
Go kgona go tokafatsa mananeo a loago a re a tsentseng tirisong mo tsamaong ya dingwaga, mongwaga re ikaelela go konosetsa tiro e e setseng e simolotse ya go fetola tshireletsego ya loago gore go tsenngwa tirisong ka dikgato go simolole ka bonako jo bo kgonegang. Karolo e e botlhokwa ya phetolo e tla nna tiro ya go siamisa phoso e e lemogilweng mo Pegelong ya 2002 ya Komiti ya Dipatlisiso tsa Comprehensive System of Social Security in South Africa. Se ke gore pilara ya tsamaiso ya tshireletso ya loago e e ikaegileng ka moputso e a tlhaela kgotsa ga e ikanyege mo bathong ba bantsi ba ba dirang. Molawana o o kaela ntlha e, mo godimo ga thuso ya loago o newa ka tekanyetsokabo ya puso, re tlhoka go leba tlhagiso ya tsamaiso ya tshireletso ya loago e e ikaegileng ka meputso e e tlhotlhelediwang ke molawana wa momagano ya loago.
Se se tla kaya gore Maaforika Borwa otlhe a tla itumelela go nna maloko a tsamaiso ya tshireletso ya inšorense ya loago e e dirang sentle, fa ba ba bonang lotseno le le kwa godimo ba tla kgona go tswelela go ntsha sengwe go ya go dikema tsa poraefete tsa tholotiro le tsa inšorense.
lekgetho la tshireletso ya loago tlamela ka matlole dipoloko tsa tholotiro, loso, bogole le dipoelo tsa go tlhoka tiro.
Tona ya Matlotlo o tla tswelela go tlhalosa dintlha tse mo Puong ya Tekanyetsokabo. Se re tshwanetseng go se thalela ke gore mo go konosetseng paka e ntšhwa ya tshireletso ya loago, puso e tla tsaya tsela e e manontlhotlho ya go golagana le balekane botlhe ba loago ka bongwe ka bongwe le ka NEDLAC.
Go sa le jalo, re simolotse le ditsela tsa go fitlhelela bana ba ba bokoa ba ba kwa godimo ga dingwaga tse 14.
itlhaganedisa porojeke ya go fetolwa ga dithekesi, go tsenya tirisong mananeo a a botlalo a dipalangwa tsa botlhe tsa seporo le tsela go akaretsa Bus Rapid Transit System mo Ditoropokgolong le go fetolwa ga Metrorail: mme mo ntlheng e, a ke tseye tšhono e go gatelela gore puso le balekane ba rona ba SANTACO ga re kitla re patelediwa go kgaphela thoko porojeke ya go fetola dithekesi, ka maiteko a go nyatsa thulaganyo ya setšhaba mme dikgatlhego tsa megagaru di tla lejwa ka leitlho le le ntšhotšho.
go tswelela go dira go samagana le dintsho tse e seng tsa mabaka a tlhago mo setšhabeng sa rona gammogo le malwetse a a tliswang ke tsela ya botshelo, malaria, mefuta e e farologaneng ya TB, dikotsi tsa tsela le bosenyi jwa tirisodikgoka.
Mo ntlheng e, puso e ineela go gagamatsa letsholo kgatlhanong le HIV le AIDS le go tokafatsa go tsenngwa tirisong ga dielemente tsotlhe tsa leano le le momaganeng jaaka thibelo, tlhokomelo ya kwa gae le kalafi. Re tla netefatsa gore dikamano tse di tlhomilweng mo dingwageng tse di fetileng di a maatlafadiwa, le gore leano la rona le le golaganeng la bosetšhaba kgatlhanong le AIDS le malwetse a a fetisiwang ka thobalano le konosediwa ka bonako jo bo kgonegang.
Monongwaga re tla konosetsa maano a a bonalang a go tsenya tirisong dikgato tsa bofelo tsa maano a rona a go fitlhelela maitlhomo a rona a gore botlhe ba fitlhelele metsi ka ngwaga wa 2008, kelelaleswe ka 2010 le motlakase ka 2012. Re tla konosetsa gape le leano le mananeo a go samagana le merero ya momagano ya loago, go akaretsa leano le le botlalo e bile le golagantswe la ntwa kgatlhanong le botlhoki jaaka re buile, gammogo le go samagana le dintlha tse di amanang le momagano ya setšhaba, dielo le go ikitse.
Maiteko otlhe a, Mme Sebui le Monnasetilo, a tshwanetse go nyalana le maikaelelo a go tokafatsa tshireletso le pabalesego ya setšhaba. Mo ntlheng e, puso e tla netefatsa gore ditshwetso tse di setseng di tserwe ka ga go maatlafatsa ntwa ya rona kgatlhanong le bosenyi di tsenngwa tirisong ka tshwanelo. Kgwetlho e re lebaganeng nayo mo go samaganeng le ntlha e ga e ka ga dipholisi.
Fela, se se tlhokegang ke thulaganyo, go tsaya kgato le boeteledipele jwa tiriso ya molao, batlhankedi ba tsa matlhale le kgopololo, ga mmogo le ditiragalo tsa tsamaiso ya tolamo. Bontsi jwa badiredipuso ba ba supile makgetlo a le mantsi mo tirong gore ba ikemiseditse go baya matshelo a bona mo kotsing le go intsha setlhabelo le fa ba ka nna fela le nako e nnye le malapa a bona, go sireletsa kgololosego le tshireletsego ya rona.
go tokafatsa tsela ya go sekaseka tiragalo ya bosenyi go tokafatsa tiragatso ya rona malebana le thibelo ya bosenyi le go samagana le bosenyi. Mo ntlheng e, re tshwanetse go tsibogela boammaaruri jwa gore, fela jaaka mo dinageng tse dingwe, bontsi jwa ditiragalo tsa bosenyi kgatlhanong le motho di diragala mo mafelong a a kwa tlase mo ikonoming ya naga ya rona mme di tlhoka maano a a maatla a a tswelelang e bile a tsepame mo go thibeleng bosenyi.
Jaaka re setse re buile, maano a le a mangwe a tla tswelela fela fa re aga dikamano tse di maatla mo teng ga ditšhaba tsa rona le magareng ga ditšhaba le sepodisi, go ketefaletsa disenyi botshelo.
Mo ntlheng e, re itumeletse tshweetso e e supilweng ke baeteledipele ba kgwebo le ba sedumedi go tswelela go maatlafatsa dikamano tse kwa tlase, le go neela nako le ditlabakelo tsa bona go maatlafatsa ntwa kgatlhanong le bosenyi. Puso e tla nna le seabe se segolo go netefatsa gore dikamano tse di a dira, le gore re dira mmogo go supa maikarabelo a rona go sireletsa baagi ba rona.
Ke tshwanetse go bega gore mo ntlheng e Tona ya Tshireletso le Pabalesego le Tirelo ya Sepodisi ba dira mmogo mo ditshitsinyong tsa go tswelela go tokafatsa tiro le bokgoni jwa Diforamo tsa Sepodisi tsa Setšhaba.
Go tswelela go tokafatsa tirelo ya bona mo bathong, puso e tshwanetse go tokafatsa bokgoni jwa yona le tiro ya yona jaaka setheo.
go maatlafatsa le go tlamela tshegetso e ntsi mo setheong sa boeteledipele jwa setso.
Go tokafatsa puso go kaya gape go nna le sefala se se ikanyegang sa dipalopalo ka ga dintlha tsa loago mo setšhabeng sa rona. Mo ntlheng e, dipatlisiso tse pedi di tla dirwa ka 2007. Mo matsatsing a mabedi a a fetileng badiri ba le 6 000 ba kwa setheong sa Dipalopalo sa Aforika Borwa (Statistics South Africa) ba dule go ya go kokoanya tshedimosetso mo malapeng a le 280 000 a a tlhophilweng go nna le seabe mo Dipatlisisong tsa Setšhaba, tse di tla neelang puso setshwantsho sa boammaruri sa maemo a baagi mo karolong nngwe le nngwe ya naga.
Ka Diphalane batho ba bangwe ba le 30 000 mo malapeng a le 8 000 a tlhophilwe go nna le seabe mo patlisisong ya Aforika Borwa ya bosetšhaba ya ntlha, e leng National Income Dynamics Study. Batho ba le 30 000 ba tla elwa tlhoko mo pakeng e e rileng, go tsweletsa tlhaloganyo ya rona ya dintlha tse di jaaka khudugo, diphetogo tsa mmaraka wa badiri, motsamao wa gareng ga ditso le popego le go thubega ga malapa. Ke rata go tsaya tšhono e go ikuela mo go ba ba tlhophilweng go dirisana ka botlalo mo ditirong tse di botlhokwa tse.
Gareng ga diphitlhelelo tse dikgolo tsa batho ba Aforika mo dingwageng tse pedi le halofo tse di fetileng e nnile tsa puseletso ya kagiso mo Kgaolong ya Matsha a Magolo (Great Lakes Region). Re motlotlo, jaaka Maaforika Borwa, ka seabe se batho ba rona ba nnileng le sona mo go thuseng go tlisa ntlha e - go tswa go bašwa ba banna le basadi mo Sesoleng sa rona sa Tshireletso go ya go badiri ba ditheo tsa puso le tsa poraefete ba ba neetseng nako ya tsona go netefatsa gore toro ya Aforika e diragale mo nagalegaeng ya ga Patrice Lumumba.
Re tla tswelela go dira le bagarona ba DRC, ga mmogo le Burundi, Comoros le Sudan mo maitekong a go netefatsa gore maemo a kagiso le a a edileng a a setseng a fitlheletswe ga jaana a fetoga ntle le go ema mo tiragatsong ya kagosešwa ya ikonomi le tlhabololo ya loago. Le fa go le jalo, le fa re tshwanelwa ke go keteka diphitlhelelo tse Aforika e di dirileng mo maitekong a gagwe a go fitlhelela kagiso le tlhabololo, re ka se ikgatholose dikgwetlho tse re lebaganeng natso mo go samaganeng le mafelo a a setseng a dikgotlhang, segolo jang tsamaiso ya kagiso ka kakaretso kwa Sudan, go akaretsa maemo a Darfur, Côte d'Ivoire le Somalia.
Puso ya rona e tla tsibogela ka tsela e e maleba mme jaaka maatla a re dumelela, kgoeletso ya Kopano ya Aforika ya thuso go batho le puso ya Somalia. Se se botlhokwa mo ntlheng e, ke maiteko a a tswelelang go netefatsa gore dimelo tse di mo teng ga Somalia di momagana go fitlhelela tharabololo e e akaretsang e bile e direga, ba ikaegile ka tlhokego ya go fitlhelela poelano ya bosetšhaba. Monongwaga African Peer Review Forum e tla konosetsa tebo gape ya naga ya rona. Ke rata go tsaya tšhono e go leboga bamelao botlhe, Ditona tsa puso le mafapha, mekgatlo ya baagi le setšhaba ka kakaretso ka seabe se ba nnileng le sona mo tirong e e gwetlhang jaaka e ne e kgethegile mo temokerasing ya rona e ntšhwa. Re tla tsaya gape le dikgato tse di maleba go tsenya tirisong lenaneo la tiragatso le le tla tlhagelelang ka ntlha ya tshekatsheko ya balekane.
Go sa le jalo, re tla tswelela go dira le kontinente yotlhe le balekane ba rona ba tlhabololo go itlhaganedisa go tsenngwa tirisong ga mananeo a NEPAD.
Mo kgweding e fetileng, Aforika Borwa e simolotse leeto la tiro jaaka leloko le e seng la leruri la Khansele ya Tshireletso ya Ditšhabakopano. Re rata go ikana gore, mo boemong jwa Maaforika Borwa re tla dira sengwe le sengwe se se tlhokegang go tsenya seatla mo kagisong le tshireletsong ya boditšhabatšhaba mo mokgatlong o o tlotlegang go gaisa wa maphatamantsi.
Mo ntlheng e re tla tswelela go golagana le batho ba Palestine, Israel, Iraq, Iran le dinaga tse dingwe kwa Botlhaba-Gare le Kgogometso ya Persia. Re tla tswelela go maatlafatsa dikamano tsa rona le dinaga tse dingwe mo kontinenteng e, balekane ba rona kwa India, Brazil le People's Republic of China, le dinaga tse dingwe tsa Borwa, ga mmogo le Japan, Europe le North America.
Nngwe ya dipotso tsa botlhokwa tse re tla di lebang mo ntlheng e ke go simolola ka bonako ga ditherisano tsa Doha Development Round tsa WTO. Re na le bonnete jwa gore ditharabololo tsa mathata a a itemogelwang ga jaana di ka fitlhelelwa, le gore ke mo dikgatlhegelong tsa nako e telele tsa dinaga tse di tlhabologileng le tse di tlhabologang ka go tshwana, mo dipuisano tse di tla tlisang maungo.
Fa e sale ka morero o o tlwaelegileng wa 2004, re nnile le tswelelopele e e amogelegang mo go tsweleleng go fetola Aforika Borwa gore e nne botoka. Ga re a tshwanela go nyatsa mathata a mantsi a re sa ntseng re lebagane nao.
Fela molaetsa o maitemogelo a rona a a kopanetsweng o a tlhagisang ke gore fa re dira mmogo, re ka kgona e bile re tla tswelela mo go fitlheleleng maikaelelo a a tshwanang a re a ipeetseng jaaka setšhaba - go aga botshelo jo bo botoka go botlhe, mo nageng e e sa tlholeng e na le e bile e sa emele tse di maswe e bile di sa eletsege mo setšhabeng sa batho.
Gompieno re tshwanetse go bua mmogo ka kgololosego, ka nametshego e kgolo. Re tshwanetse go dira mmogo go latelela "boitumelo jo bo ka tswang mo banneng le basading fa ba nna mo lefatsheng le le gololosegileng".
Ga re ise re goroge. Fela ga go ope fa e se rona, yo o tla netefatsang gore toro e e a fitlhelelwa. Ka jalo tla re semeleleng re dire, re tlhaloganya ka botlalo gore tiro ya go aga Aforika Borwa o re mo eletsang, ke maikarabelo a a tshwanang a rona botlhe.
Ke a leboga.
<fn>StateoftheNation.2008.2009-04. Tn.txt</fn>
Ntetleng mo tiragalong e ya bobedi ya bofelo ya Bonno jo bo Kopanetsweng jwa Palamente ya boraro ya dipuisano tsa ngwga le ngwaga ka kemo ya setšhaba sa rona, go eleletsa Maloko a a Tlotlegang a Palamente ya rona Ngwaga o Mošwa o o itumedisang wa katlego.
Ke na le nametshego ya gore 2008 e tla nna nngwe ya dingwaga tse dintle tsa temokerasi ya rona, jaaka rotlhe re tla dira mmogo go fitlhelela maitlhomo a a botlhokwa a batho ba rona go fitlhelela botshelo jo bo botoka go botlhe. Ke bua se gonne, ka kabakanyo ya rona, ga se gantsi mo setšhaba se bidiwang go leka ka bojotlhe jwa sona go fitlhelela toro e e rileng. Mme se ke taelo e hisitori e tlhomileng mo go rona gompieno.
Ke bua gompieno mo botennyeng jwa ga mme, Epainette Mbeki, MaMofokeng, yo o tlileng go bua molaetsa o o tlhamaletseng go tswa kwa bontsing jwa kwa magaeng a Transkei, ba tshedileng le bona dingwaga di le dintsi. A re bontsi jo bo batla gore rotlhe ba re ipitsang baeteledipele ba bona, re ba bolelele le bangwe ba ba jaaka bone mo nageng, gore a re sa ntse re ineetse mo maikaelelong a rona a gore ka moso e tla gaisa gompieno. Mo sebakeng sa matsatsi a le robedi, ka 16 Tlhakole o tla bo a le dingwaga tse 92. Se a se solofelang jaaka mpho ya letsatsi la botsalo jwa gagwe ke boammaaruri. Ke mo lebogela matsapa a gagwe go nna le rona gompieno, mme ke solofela gore ga re kitla re mo swabisa.
Ke rata gape go tsaya nako e le tlotle Moporesitente Nelson Mandela, mongwe wa borre ba ba itsegeng ba ba ribolotseng temokerasi ya rona, yo tla bong a le dingwaga di le 90 ka 18 Phukwi monongwaga.
Re amogela mo tiragalong e Rre Arthur Margeman, yo o emetseng bagale ba go boekhotiwa ga dibese tsa Alexandra dingwaga tse some-a-matlhano tse di fetileng, ba ba akaretsang Nelson Mandela. Re tlotlegile gape go bo re na le Moh. Jann Turner, morwadia Rick Turner yo o bolailweng ke baamedi ba tlhaolele dingwaga tse 30 tse di fetileng.
Re itumetse gape go bo re na le Rre Dinilesizwe Sobukwe, morwa mogale le moeteledipele yo o maatlametlo, Robert Sobukwe, yo le ena a tlhokafetseng dingwaga tse 30 tse di fetileng morago ga dingwaga tse dintsi tsa go nna mo kgolegelong, go kganelwa le mekgwa e mengwe ya kgatelelo. Re lemoga gape mo gare ga Maloko a a Tlotlegang le baeng, bathei ba bantsi ba United Democratic Front, dingwaga tse 25 tse di fetileng.
Baeng botlhe ba ba tlotlegang ba, ba ba emetseng kgopolo le tsholofelo, ba re gakolola ka go nna teng ga bona gore sa rona ke tiro mo leetong la neeletsano go tsweletsa tsalosešwa gore toro ya botshelo jo bo botoka bo diragalela maAforika Borwa otlhe. Ee, ba emetse keteko ya mowa o o maatla wa batho ba rona, le go tlisa kgwetlho go botlhe ba rona go dira ka ditsela tse di sa tsietseng kgotsa go swabisa ditsholofelo tsa batho.
Re gaufi le go simolola ngwaga wa ditšhelete o o tletseng wa bofelo wa palamente le puso ya ga jaana ya boraro ya temokerasi o morago ga ona re tlileng go tshwara Ditlhopho-Kakaretso tsa bone. Puso ka jalo e ne ya lebisisa sekgala se re tsamaileng go tsenya tirisong morero o re o neetsweng ke batho ka 2004.
Ke itumelela go bua gore re dirile go le gontsi go tsenya tirisong boineelo jo re bo dirileng go batho ka 2004. Le fa go le jalo, e bile e se se se neng se sa solofelwa, go mo pepeneneng gore re sa ntse re na le tiro e kgolo e re tshwanetseng go e dira mo ntlheng e.
Re lebile gore kwa bokhutlong jwa paka ya tiro ya rona, Puso e ikaeletse gore e tshwanetse go tlhoma Dintlha tsa Botlhokwa tse di kwa Setlhoeng (Apex Priorities) tse e tshwanetseng go di ela tlhoko ka tsela e e kgethegileng, go di dirisa jaaka didiriswa tsa go itlhaganedisa tswelopele ya go fitlhelela maikaelelo a batho ba re a neetsweng go a fitlhelela.
Ka boitumelo, Puo ya Maemo a Setšhaba e nneetse tšhono ya go begela Palamente le Setšhaba ka Dintlha tsa Botlhokwa tse di kwa Setlhoeng tse 24, tse Maloko a a Tlotlegang a ka di fitlhelang mo webosaeteng ya Puso mo bekeng e e tlang.
Go tlhongwa ga Dintlha tsa Botlhokwa tse di kwa Setlhoeng go kaya gore maphata otlhe a le mararo a puso, ya bosetšhaba, porofense le ya selegae kwa maemong a maemong a khuduthamaga le a tiragatso, a dira maikano a gore re tla dirisa nako e khutshwane e e kwa pele ga rona go tsweletsa maikaelelo a rona a go fitlhelela maitlhomo a a botlhokwa e leng botshelo jo bo botoka go batho botlhe ba rona.
Tsamaiso yotlhe ya rona ya puso e dira boineelo gore mo pakeng e e tlang, e tla dira ka bojotlhe go fitlhelela ntlha e - Tsamaiso e e Farologaneng (Business Unsual)! Re bua ka Tsamaiso e e Farologaneng re sa kae diphetogo dipe mo dipholising tsa rona tse di tlhomilweng mme e le tebang le tiragatso e e itlhaganedisitsweng e siame e bile e le manontlhotlho ya dipholisi le dithulaganyo tse, gore matshelo a batho ba rona a tokafale, ka bonako e seng moraga ga sebaka se seleele.
Go dira gore se se diragale; re na le dikgato tse di tlhokegang go netefatsa gore Tekanyetsokabo ya Ngwaga le Ngwaga e Tona ya Matlotlo a tla e supang moragonyana mo kgweding e e rebola ditekanyetso tse di tlhokegang go re naya bokgoni jwa go tsenya tirisong Dintlha tsa Botlhokwa tse di kwa Setlhoeng.
go oketsa tsepamo ya rona mo makaleng a botlhokwa tebang le tsamaiso ya rona ya dikamano tsa boditšhaba, ka tsepamo e e kgethegileng mo dintlheng dingwe tsa Aforika le dikamano tsa Borwa-Borwa.
Go gaisa ka dinako tse dingwe, maemo a a lebaganeng le setšhaba le naga ya rona, le ditiro tse re di ipeetseng, di tlhoka gore re tlhotlheletse le go rulaganya batho ba rona go dira jaaka bongwe, go dira dilo tsotlhe tse di tshwanetseng go dirwa, re tlhaloganya gore boammaaruri ke gore rotlhe mmogo, re tshotse bokamoso jwa rona mo diatleng tsa rona!
Fa re dira mmogo gotlhe mo nageng, re tshwanetse go tlhaloganya gape gore se re tshwanetseng go nna ka ga sona ke Tsamaiso e e sa Farologaneng!
Fa ke ne ke rulaganya Puo e, mongwe mo gare ga rona o ne a ntshitshinyetsa gore naga ya rona e tletse ka ditsuatsue tse di maatla tse di dirang gore go nne thata go bonela pele gore naga ya rona e tla bo e le kae ka moso.
O ne a tshitshinya gore, go tlhaloganya se a se kayang se le mooko wa boammaruri jo lebaganeng najo mosong o, ke gopole mafoko a a itsegeng a Charles Dickens a bulang padi ya gagwe, A Tale of Two Cities.
"E ne e le nako e e gaisang tsotlhe, e le nako e e bosula go di gaisa, e ne e le paka ya botlhale, paka ya boeleele, e le paka ya tumelo, e ne e le paka ya go tlhoka tumelo, e ne e le setlha sa Lesedi, e le setlha sa Lefifi, e ne e le dikgakologo tsa tsholofelo, mariga a go tlhoka tsholofelo, re ne re na le tsotlhe fa pele ga rona, go se sepe fa pele ga rona, rotlhe re ne re ya ka tlhamalalo kwa Legodimong, rotlhe re ne re ya ka tlhamalalo kwa ntlheng e nngwe - ka bokhutshwane, paka eo e ne e tshwana le paka ya ga jaana, mo e leng gore bathati ba ba medumo ba yona ba ne ba pateletsa gore a amogelwe, ka molemo kgotsa ka bosula, mo maemong a a kwa godimo a papiso fela."
O ka botsa gore a ke dumelana le tshekatsheko e, gore a le nna ke dumela gore re tsene mo pakeng ya tlhakatlhakano, e mo go yona rotlhe re ka se direng sepe ntle le go latlhegelwa ke tsela, re se na bonnete ka dikgato tsa rona, maoto a rona a kgwetla, re boifa bokamoso!
Karabo ya me go potso e ke Nnyaa o o se nang bana ba phefo! Jaaka Puso ya rona yotlhe ke na le bonnete jwa gore metheo e e thusitseng naga ya rona go gatela pele mo dingwageng tse 14 tse di fetileng e sa ntse di momagane. Di tswelela go re naya motheo o o tsepameng o re tshwanetseng go tswelela ka ona jaaka re tsepamisa matlho a rona mo go fitlheleleng maitlhomo a botshelo jo bo botoka go batho botlhe ba rona. Ka jalo rotlhe re tshwanetse go dumela gore re sa ntse re le mo tseleng e e nepagetseng jaaka re tswelela go dira gore sa rona e nne setšhaba se se fenyang.
Le fa go le jalo, jaaka Maloko a a Tlotlegang otlhe, ke itse ntlha ya gore bontsi mo setšhabeng sa rona ba tlhobaediwa ke ketsaetsego ya gore naga ya rona e ya kae mo isagong.
Ba tshwenngwa ke maemo a bosetšhaba a tshoganyetso a naga ya rona e latlhetsweng mo go ona ka dikgoreletso tse di sa solofelwang tsa tlamelo ya motlakase.
Ba tshwenyega ka ditiragalo dingwe mo ikonoming, segolo tlhatlogo e e tswelelelang ya merokotso, ditlhwatlhwa tsa dijo le lookwane tse di tswelelang go gatelela segolo ba ba tlhokang. Ba bangwe mo go ba ba tshwenyega ka kgonego ya seabe sa matshosetsi a go sa iketlang ga ikonomi ya Amerika mo ikonoming ya rona.
Ba tshwenyega ka gore a re na le bokgoni jwa go sireletsa ditshwanelo tsa temokerasi le Molaotheo wa temokerasi o o belegweng ke ka ditlhabelo tse dikgolo. Se se tliswa ke ditiragalo tse di jaaka go latofadiwa ga Mokomišenara wa Bosetšhaba wa Sepodisi, go sekegwa ga Mokaedi wa Bosetšhaba wa Botšhotšhisi jwa Setšhaba, dipoifo ka matshosetsi a go ikemela ga boatlhodi le tsamaiso ya molao, le ditatofatso tsa go dirisa maatla a puso mo maikaelelong a sepolotiki.
Ba tshwenyegile ka gore a naga ya rona e tshosediwa ke bonokwane jwa go fiswa ga diterena di le thararo kwa Tshwane mo kgweding e e fetileng.
Le fa ba lemoga le go tlotla thata ya lekoko le le busang la go tsamaisa merero ya lona, ba tshwenyega ka gore le tshwanetse go tswelela go tshameka karolo ya lona jaaka mongwe wa batakibagolo ba Aforika Borwa wa temokerasi yo o sa kgethololeng go ya ka mmala, bong e bile e le wa tswelelopele.
Go mo pepeneneng gore e ka nna go tlhoka maikarabelo go ikgatholosa matshwenyego kgotsa go a kgaphela thoko jaaka ditsibogo tsa baporofeti ba tatlhego. Kgwetlho ya nnete ke go a tsibogela ka tsela e e tlhagisang molaetsa o o totobetseng go botlhe mo nageng ya rona le dimilione mo Aforika le gotlhe mo lefatsheng ba ba lebileng naga ya rona ka tlhoafalo, gore re sa ntse re tsepame mo maikemisetsong a rona go tswelela go aga Aforika Borwa o o neetseng tsholofelo e seng fela go batho ba rona, mme le go ba bangwe ba ba kwa ntle ga melelwane ya rona.
Tla ke nne pelokgale go re paka eno ya hisetori e batla gore setšhaba sa rona se tshwaragane go gaisa pele le go gagamatsa mesifa yotlhe ya mmele o o golaganeng go samagana le dikgwetlho tsa rona tse di tshwanang le go tshola toro e e re tshotseng rotlhe jaaka re ne re tsamaya mo tseleng e ntšhwa ya go tlhola Aforika Borwa yo o bonwang ka Molaotheo wa rona e ntse e tshela.
Maemo a tshoganyetso a bosetšhaba a a tliswang ke kgaogo ya motlakase a tlisa kgwetlho le go tlisa tšhono go setšhaba sotlhe go tlhalosa boikuelo jwa gore rotkhe re kopane mo tirong le go dira ka tshwaragano go tshola naga ya rona e tsamaya sentle. Se se tshwanetse go re bolelela rotlhe gore tota re mo pakeng ya dikgwetlho, dikgwetlho tse dikgolo. Mme ka lebaka la gore ke paka ya dikgwetlho, ke paka ya ditšhono!
Mo ntlheng e, ke rata go tlhagisa ditebogo le tumalano ya rona ka botlalo le ditshwaelo tse di dirilweng ke Mokhuduthamaga Mogolo wa Anglo American, Cynthia Carroll, fa a ne a eme Mining Indaba ka lefoko mono Cape Town go sa le gale mo bekeng e, ka Labobedi, Tlhakole 5.
Jaaka maloko a a tlotlegang a itse, o rile: Ga ke kae mathata a tlamelo ya motlakase mono jaaka matlhotlhapelo. Mme Aforika Borwa ga a esi: go na le kgatelelo ya tlamelo mabapi le diporojeke tsa rona tsa katoloso kwa Chile le Brazil.
"Ee, mathata mono a masisi; go a fenya go tlhokega bojotlhe, segolo mo botlhokweng jwa maatla le tshomarelo ya maatla, ga mmogo le go tlhoma mefuta e mengwe ya thebolelo ya maatla. Fela rotlhe re ka tlhama dimphato tse di maatla go samagana le maemo a, re tla tswelela - ke solofela gore re sa gobala E ga se nako ya go supana ka menwana, mme ke ya go dira mmogo go bona ditharabololo."
Le fa go builwe jalo, go sa ntse go tlhokega gore re tseye tšhono e go romela maitshwarelo a Puso le Eskom kwa setšhabeng ka maemo a bosetšhaba a tshoganyetso a a dirileng gore rotlhe re samagane le ditlamorago tsa thefosano ya kgaogo ya motlakase. Ke rata gape go leboga baagi botlhe ka bopelotelele le go tlhaloganya ga bona mo maemong a a bokete a ga jaana.
Mo dibekeng tse pedi tse di fetileng, Ditona tsa Diminerale le Maatla le Dikgwebo tsa Setšhaba di tlhalositse mofuta wa maemo a tshoganyetso a re lebaganeng nao le se mongwe le mongwe wa rona a ka se dirang go busetsa maemo tlwaelong. Beke e e fetileng Maloko a a Tlotlegang a ne a nna le tšhono ya go lebagana le dintlha tse.
Boammaaruri ke gore tlhatlogo ya tlhokego ya motlakase mo dingwageng tse pedi tse di fetileng di ne tsa feta mothamo o re neng re o tsentse mo motsweding o. Maamo a thebolo e e kwa godimo a ne a dira motswedi otlhe o nne bokoa kgatlhanong le maemo otlhe a a amanang le go nna teng ga maatla. Mo maemong a, re tshwanetse ra samagana le dikgaogo tse di sa rulaganngwang, mme tsela e le nngwe ya go dira jalo ke go fokotsa tlhokego mme ka go dira jalo re ka nna le mothamo o o botoka wa risefe.
Jaaka puso, tiro ya rona ke go etelela pele le go kopanya setšhaba mo letsholong la tiriso e e botlhale ya maatla e e tla samaganang le kgwetlho e. Gareng ga tse dingwe, re tshwanetse go dirisa mathata a ga jaana go netefatsa gore magae a rona le ikonomi di dirisa maatla sentle go gaisa.
Go na le dikgato tse di diregang tse mongwe le mongwe, malapa le dikgwebo di ka di tsayang. Tsona di tlhagisiwa ke Lefapha la Diminerale le Maatla mme re tla amogela ditshitshinyo dingwe le dingwe tse lona, bakaulengwe, lo re di nayang le go di abelana.
Puso e tla simolola go tsenya tirisong letsholo la go netefatsa go tshubiwa sentle ga dipone, go gotetsa metsi ka maatla a letsatsi le tsamaiso ya bokete jwa dikisara mo matlong, go akaretsa le maemo a matlo mo matlong otlhe a mašwa le ditlhabololo. Re ikuela go malapa a a kgonang go tsiboga ka bonako go ka tsenya tirisong mekgwa e ya go boloka maatla.
Go dule taelo go dikago tsotlhe tsa puso gore di fokotse tiriso ya motlakase, mme tsweetswee le lokologe go ka bolela le go swabisa bao ba sa direng jalo.
Dintlha tsa dikgato tse dingwe tsa boithaopo le tse di beilweng mo Thulaganyong ya Tshomarelo ya Maatla (Power Conservation Programme) di tlhagisitswe ke Ditona mme di tla tlhotlhiwa ka ditherisano le bannaleseabe ba ba farologaneng mme di phasaladiwe.
Mo letlhakoreng la tlamelo, Eskom e dira ka natla go netefatsa go tlhomiwa ga diporojeke tse di thusang tlhagiso ka bonako. Re tsaya dikgato go oketsa mothamo wa tsweletso wa Eskom. Re na le ditlhopha tsa tiro tsa maemo a tshoganyetso tse di samaganang le kgwetlho ya boleng le tlamelo ya intaseteri ya meepo ya malatlha mme re tlile go itlhaganedisa tumelelo le go agwa ga diporojeke tsa gase ya thebaene. Dikgato tsotlhe tse, di dirisiwa mmogo le mekgwa ya go boloka motlakase, di tla tokafatsa netefaletso le go oketsa mothamo wa risefe.
Thulaganyo e kgolo ya kago ya Eskom ya sešweng, tsamaiso le mothamo wa thebolo di tla tswelela pele; mme fa go kgonega, diporojeke tse dingwe di tla itlhaganedisiwa. Mo ntlheng e, ke rata go leboga lekala la poraefete go ikemisetsa go thusa fa le ka kgonang. Mo kopanong le Monnasetilo wa General Electric mo bekeng e e fetileng, General Electric e ne ya ithaopa go thusa ka go reka didiriswa tse di sa bonweng bonolo tsa thebaene boemong jwa rona. Mo Aforika Borwa ditlamo tsa rona tse dikgolo jaaka Sasol, Anglo le BHP Billiton di buisana le Mafapha a Diminerale le Maatla le Dikgwebo tsa Setšhaba go bona ditharabololo tse di tlhwatlhwatlase mme di tswelela tsa mathata a thebolo. Tsela e ke ya kgato e e tshwanang go na le go supana ka menwana.
Ke rata go leboga intaseteri ya meepo ka tsela e ba re thusitseng le ikonomi go rarabolola bothata jo bo re wetseng ka 24 Ferikgong. Re tla dira mmogo go fokotsa seabe se segolo sa ditiragalo tse mo intasetering e.
Maiteko a a kopanetsweng le ditherisano ke mooko wa tsibogo ya rona go maemo a a tshoganyetso. Ditlhopha tsa tiro di setse di dira mo makaleng a mantsi. Beke e e tlang Ditonakgolo tsa Diporofense di tla bitsa dipitso tsa tsona le Boratoropo go rulaganya le go tsenya tirisong mekgwa ya go somarela maatla mo go Bommasepala botlhe go ralala naga. Ba tla tshegediwa ke ditlhopha tsa setegeniki go tswa go EDI Holdings, Eskom le National Energy Efficiency Agency. Lefapha la Diporofense le Dipusoselegae le tsa rulaganya tiragalo e le tshegediwa ke Mafapha a Diminerale le Maatla le Dikgwebo tsa Setšhaba.
Ke tla rulaganya kopano ya Ditlhopha tsa Tiro tse di Golaganeng tsa Moporesitente (Joint Presidential Working Groups) go momaganya dikgato tsotlhe mme moragonyana re tla itsise setlhopha sa 'Bagale ba Maatla' ('Energy Champions') se se nang le maAforika Borwa a a maatlametlo e bile a na le kitso a a tla thusang puso ka letsholo la tshomarelo ya maatla le go itsise babeeletsi le ditšhaba ka ga maemo a nnete le gore ba ka thusa jang go samagana le dikgwetlho tsa rona tsa ga jaana.
Tona ya Matlotlo o tla re neela tshedimosetso e ntsi mo puong ya Tekanyetsokabo ka ga tshegetso e puso e tla e rebolelang letsholo la tshomarelo ya maatla le go Eskom mo thulaganyong ya kago ya yona.
Re lebagane le maemo a tshoganyetso mme re ka fenya mathata a mo nakong e khutshwane. Maemo a a supa ka tlhamalalo gore paka ya motlakase o o tlhwatlatlase thata o montsi e fedile. Le fa go le jalo, ka ntlha ya mothamo o mogolo wa tlhotlho o o leng teng, mo nakong e telele e e tlang, ikonomi ya rona e tla nna e ntse e le mo gare ga diikonomi di le mmalwa tsa motlakase o o rekegang.
Re ikonomi ya metswedi ya diminerale. Ka jalo re tshwanetse go tswelela go tshegetsa intaseteri ya meepo. Go a itshupa gore fa re ka tswelela mo tseleng ya kgolo ya rona jaaka naga e e tlhagisang, re tla tshwanelwa ke go tswelela go tshegetsa intaseteri e e dirisang. Fela go botlhokwa gore dikgwebo tsotlhe di somarele maatla. Ee, tshomarelo ya maatla ka boyona e tlisa tšhono ya ikonomi.
Ka jalo, tla re diriseng maemo a a tshoganyetso go tlhoma metheo e e tlhokegang ya isago ya tshomarelo ya maatla, e re ka se e tileng. Tlaa re netefatseng gore diatla tsotlhe di ikemiseditse go samagana le ditsuatsue tse di re wetseng, re rotloediwa ke gore maemo a rona a batla Tsamaiso e e Farologaneng!
E ke yona tsela e re tshwanetseng go e dirisa jaaka re tswelela go ipaakanyetsa go nna baamogedi ba baeng ba FIFA Confederations Cup ka 2009 le Sejana sa Lefatshe sa Kgwele ya Dinao sa 2010 sa FIFA se se tla simololang mo nageng ya rona mo matsatsing a le 854 go simolola gompieno. Ke bua ntlha e e botlhokwa e fa, gonne dikgwetlho tse re lebaganeng natso ga jaana, di dira gore bangwe kwa mafelong mangwe mo lefatsheng ba simolole go botsa gore a re tla kgona go tshola dikgaisano tseo ka katlego.
Ee, ga ke na pelaelo ya gore re tla tlotla maikano a rona go FIFA le setšhaba sa lefatshe sa batshameki le barati ba kgwele ya dinao go tlhola maemo a a maleba a go tshola Sejana sa Lefatshe sa Kgwele ya Dinao sa FIFA se se gaisang fa e sale.
Maikutlo a re a bonang go tswa mo makaleng otlhe a baagi ba Aforika Borwa le kwa ntle ga naga, a tlhagiswa ke tswelelopele e re dirang letsatsi le letsatsi ka dithulaganyo tsotlhe tsa rona, ke a Tsamaiso e e Farologaneng: diatla tsotlhe di emetse 2010! Mme re tshwanetse go netefatsa gore re tsweletsa mokgwa o.
Re a itse gore ntlha e e botlhokwa ya dipaakanyo tsa rona e tshwanetse go nna go bopa setlhopha se se maatla sa Aforika Borwa se tla dirang gore rona le lekala lotlhe la kgwele ya dinao re ipele. Ke dumela gore Mokgatlo wa Kgwele ya Dinao wa Aforika Borwa (SAFA), bakatisi ba rona ba eteletswe pele ke Carlos Alberto Parreira, le batshameki ka bobona ba itse ka ga maikarabelo a magolo a ba a rweleng go siamisa setlhopha sa bosetšhaba se rona le Aforika re ka ipelang ka sona.
Re rata gape go leboga Springboks go supa tsela fa ba ne ba fenya Sejana sa Lefatshe sa Rugby ngogola. Se se tshwanetse go tlhotlheletsa Bafana Bafana, jaaka se tshwanetse go tlhotlheletsa ditabogi tsa rona tse di tla gaisanang kwa Metshamekong ya Diolimpiki kwa Beijing moragonyana monongwaga.
Tla ke boele kwa Dintlheng tsa Botlhokwa tse di kwa Setlhoeng tse ke di umakileng.
Go tswelela go itlhaganedisa kgolo ya ikonomi le tlhabololo re tla tsenya tirisong Leano la Pholisi ya Tiro ya Intaseteri (Industrial Policy Action Plan). Puso e tla tswelela ka thulaganyo ya rona ya diitaseteri le go tswelela go tlhola ditšhono tsa kgolo le go tlholwa ga ditiro. Mo ntlheng e go beetswe thoko dibilione tse R2,3 tsa maiteko a pholisi ya diintaseteri le dibilione tse R5 tsa dituelo tsa lekgetho mo dingwageng tse tharo di tla tshegetsa pholisi ya diintaseteri.
Go dira mmogo le kgwebo le badiri, re tla tlhoma ka bonako, mananeo a tiro a botlhokwa mo makaleng a mananeo a a seng teng, jaaka meepo le diminerale, didiriswa tsa badirisi, thekiso go kobilwe go tokafadiwa ga tshegetso go dikgwebopotlana, kago, diintaseteri tsa botlhami, temothuo le tshilo mo temothuong.
Ke rata gape go gatelela gore re sa ntse re ikemiseditse go tshegetsa lekala la dirori mme ka jalo re tla netefatsa gore tshegetso e e neelwa lekala le ka Thulaganyo ya Motor Industry Development Programme le a tswelediwa.
Mo maemo a ikonomi e e kwa godimo, re tla tswelela go tsweletsa kemo ya matlole e e tshegetsang kgolo e e tswelelang ya ikonomi le tlhabololo le go fokotsa bokoa jwa rona jwa ka kwa ntle.
Go itlhaganedisa tiragalo ya go agiwa ga mafaratlhatlha re tla konosetsa go tlhomiwa ga leano le le momagantsweng la mafaratlhatlha, ka kgatelelo mo tshomarelong ya maatla. Se se akaretsa go momaganya dithulaganyo tsa Dikgwebo tse e leng tsa Puso le go tlhagisa maano otlhe a mafaratlhatlha, dithoto le mafaratlhatlha a mangwe, dipeipi tsa maatla, thekenoloji ya tshedimosetso le dikgokagano, mafaratlhatlha a ditsela, metsi le motlakase, e le ka nako ya tsona le ka lefelo le di leng mo go lona.
Go kgabaganya maano a, se se botlhokwa thata ke thekenoloji ya tshedimosetso le dikgokagano e le yona e e tsamaisang makala a mangwe e bile e le lekala ka boyona. Ka jalo, re tla konosetsa monongwaga go newa laesense le go tsenya tirisong Infraco. Go setse go na le madi a a neetsweng Sentech go ka nna morekisi wa inthanete e e sa diriseng megala ga mmogo le go dirwa ya dijitale. Ka tirisano le dipuso tse dingwe mo kontinenteng le lekala la poraefete, re tla konosetsa tiro ya go tlhagisa megala ya ka fa tlase ga lewatle.
Go sa le jalo, re ikemiseditse go tlamela ka kgaso ya dijitale go 50% ya baagi kwa bokhutlong jwa ngwaga. Mme se se golaganeng naso e tla nna leano la tlhagiso mo go tlhongweng ga Set Top Boxes ya Aforika Borwa, e leng se se tshwanetseng go konosediwa kwa bogareng jwa ngwaga.
Morago ga go lemoga bonya bo puso e diragatsang dikopo tsa peeletso malebana le dintlha tse di jaaka theko ya lefatshe, ditshekatsheko tsa seabe sa mafaratlhatlha le tikolo tse tsotlhe tse di ka di tsayang ka dinako dingwe di ka rotloetsa kgotsa tsa nyemisa mooko ditshwetso tsa babeeletsi, re sweditse mo moweng wa Tsamaiso e e Farologaneng, gore tiro e tswelele ka bonako go tlhoma tikwatikwe ya megala e ka yona baabeletsi le puso ba ka elang tlhoko ditsamaiso tse. Tiro e e setse e simolotse.
Ntlha ya Setlhoa sa Dintlha tse di Botlhokwa tsa puso e tla nna tsepamo mo dintlheng tsa tlhabololo ya dinonofo. Tiro ya go leba gape Leano la Bosetšhaba la Tlhabololo ya Badiri e tla konosediwa monongwaga, le diporojeke tse setlhopha se se kopaneng sa puso, kgwebo le ditheo tsa thuto se se rulagantsweng ka fa tlase ga Joint Initiative on Priority Skills Acquisition (JIPSA) e tla gagamadiwa.
Ee, re rotloediwa thata ke tsibogo e e siameng go tswa kwa lekaleng la poraefete jaaka e supilwe ke boineelo jwa diCEO tse 70 tsa ditlamo tse di leng teng kwa Johannesburg Securities Exchange go dirisana le puso mo go samaganeng le kgwetlho ya tlhaelo ya dinonofo.
Mo godimo ga tiro e, mo nakong e e tlang re baya kwa pele ditsereganyo tse dingwe mo dikholejing tsa FET, diSET, neelwa didiriswa ga dikolo tse di kwa maemong a a kwa tlase re di imolola maikarabelo a go duedisa, le go itlhaganedisa katiso-mo-tirong ya dialogane tsa porofešenale.
Morago ga go siamisa makoa mo thulaganyong ya rona ya Thuto ya Bagodi ya Motheo, a re a lemogileng ngogola, mo kgweding e re tla goeletsa letsholo la botlhe la thutopuiso Kha Ri Gude (tla re ithute). Lona le tla akaretsa go katisiwa ga bakatisi ba ba tla tlamelang ka dithuto tsa thutopuiso ya motheo go bagolo le bašwa ba le 300 000 ka 2008.
Kwa botennye jwa dithulaganyo tsa rona tsa ikonomi ke, e bile go tshwanetse ga tswelela go nna, go ela tlhoko gore a tswelelopele ya tsona e thusa go tokafatsa boleng jwa matshelo a maAforika Borwa otlhe, di dira jaaka dibetsa tsa botlhokwa mo Ntweng kgatlhanong le Botlhoki le go itlhaganedisa maiteko a rona a go fitlhelela maitlhomo a a jaaka go fokotsa botlhokatiro le go tsweletsa maikaelelo a boitekanelo go botlhe.
Mo thulaganyong ya go tlamela ka mafelobonno a batho a a isegang, ga jaana re kgona go rebola matlo a le 260 000 ka ngwaga, mme go fitlheletswe tumalano le SALGA go kganela thekiso ya lefatshe le le ka dirisediwang thulaganyo ya kago ya matlo.
Ka tswelelopele e re e dirang mo ditsereganyong tse di farologaneng tsa go fokotsa botlhoki, re tswelela go samagana le makoa a mantsi, go akaretsa Molaokakanywa wa Tsamaiso ya Tiriso ya Lefatshe (Land Use Management Bill), go konosediwa ga dikgetse tsa pusetso ya mafatshe, le tlhabololo le go tsenngwa tirisong ga thulaganyo ya tlhabololo ya metseselegae.
Tse ke dingwe tsa dintlha tse re tla di elang tlhoko monongwaga, le go netefatsa gore re fitlhelela maitlhomo a re a ipeetseng.
Ntlha e nngwe e e Botlhokwa ya kwa Setlhoeng ke go tlhalosa leano le le momaganeng e bile le akaretsa le le kgatlhanong le botlhoki le le samaganang segolo le dikarolo tsa setšhaba tse di angwang thata ke bothata jo. Tsona di akaretsa bana, basadi, bašwa, batho ba ba tshelang kwa magaeng le kwa mafelong a baipei mo metsesetoropong, batho ba ba golafetseng kgotsa ba malwetse a a tseneletseng le batsofe.
Gareng ga ditsereganyo tsa botlhokwa tse di tshitshintsweng ke: go atolosa lenaneo la ditiro tsa setšhaba, dithuso tsa tiro tsa go tlhoma ditiro ka tlhamalalo tsa ditlhopha tse di lebilweng, go tsweletsa bokgoni jwa lekala la tiro, go tokafatsa thuto le katiso, go tokafatsa ditirelo le dithoto mo baaging ba ba tlhokang, ditsereganyo tse di rileng mo malapeng a a tlhokang, le go netefatsa tiro ya ditheo tse di tshegetsang basadi le makala a mangwe. Gareng ga tse dingwe, re tla sekaseka tsamaiso ya bong gore re tokafatse dintlha tsotlhe tse di amanang le matlafatso ya basadi.
Go nyalana le maiteko a, ke porojeke e e kgethegileng ya go tlhatlhoba ditsereganyo tse di tlhokegang go samagana le bana ba ba mo kotsing ba ba kwa godimo ga dingwaga tse 14.
Fela rotlhe re tla dumalana gore setšhaba sa rona segolo batlhoki, se ka se kgone go emela maano le ditherisano le dithutano - le fa di le botlhokwa go le kalo. Le fa go le jalo, bontsi jwa ditsereganyo tse di kgonegang ke dilo tse puso e setseng e di dira le fa di ise di momaganngwe sentle. Ka jalo, mo moweng wa Tsamaiso e e Farologaneng, puso e ikaelela monongwaga go gagamatsa letsholo la go batla malapa a a rileng le batho ba ba tlhokang thata le go tsenya maano tirisong a a tla ba thusang, mo pakeng eo, go fokotsa botlhoki jo bo malapeng ao.
Mo ntlheng, re tla tlhoka Phaposi ya Bosetšhaba ya Ntwa Kgatlhanong le Botlhoki e e kopanyang mafapha a a jaaka Tlhabololo ya Loago, Diporofense le Pusoselegae, Kgwebo le Intaseteri, Temothuo le Merero ya Mafatshe, Ditiro tsa Setšhaba le Boitekanelo ga mmogo le botsamaisi jwa diporofense le jwa selegae, tse di tla dirang le dingo le kgwebo go batla ditsereganyo tse di tlhokegang mo malapeng a a rileng mme di a tsenye tirisong ka bonako.
Monongwaga re tla leba dintlha tse di leng botlhokwa mo ntweng ya naga kgatlhanong le botlhoki, re kobile kakaretso ya ikonomi.
go oketsa thulaganyo ya Tirelo ya Bosetšhaba ya Bašwa go akaretsa tlhatloso e e kwa godimo ya Tlhabololo ya Dinonofo tsa Bosole ya Letsholo la Tshireletso la Bosetšhaba la Aforika Borwa go tloga go 4 000 ya ga jaana go ya go 10 000.
1 000 le barutabana ba feta 3 500 ba ba katisiwang le go thapiwa, le go oketsa palo ya batlhokomedi.
go tlhagisa tsela ya ditlhagiswa tse di ka rekwang ke puso go tswa go dikgwebo tse dinnye, tse di magareng le tse dipotlana; le ka Small Enterprises Development Agency e tlhoma tsamaiso e e masisi go netefatsa gore paka ya tuelo ya matsatsi a le 30 e a latelwa.
Re tla diragatsa gape thulaganyo ya go itlhaganedisa tlhabololo ya mafelobonno a batho, ka maiteko a a gagametseng, jaaka ntlha e nngwe e e botlhokwa ka bonako, go itlhaganedisa phitlhelo ya metsi, kgelelaleswe le motlakase go botlhe, gore ka 2014 re bo re na le mafelobonno a batho a a nang le seriti le phitlhelelo ya malapa otlhe go ditirelo tse.
Go itlhaganedisa go fitlhelela maikaelelo a rona a boitekanelo go botlhe go akaretsa go gagamatsa go tsenngwa tirisong ga Leano la Lenaneo la Bosetšhaba kgatlhanong le HIV le AIDS. Re ikaelela gape mo tsamaong ya ngwaga go fokotsa seelo sa ba ba dirisang kalafi ya TB sentle go tswa go 10% go ya go 7% ka go katisa badiredi ba tsa pholo ba feta 3 000 go lwantsha bolwetse jo le go netefatsa gore balwetse ba TB e e sitang melemo ba bona kalafi.
Re ikaelela go konosetsa tiro ya tshireletso ya tsamaiso ya loago, ka thuso ya ditherisano tse di setseng di simolotse le balekane ba loago.
Jaaka rotlhe re tsholetsa diatla tsa rona mo Tsamaisong e e Farologaneng re tshwanetse gape go gagamatsa puisano ya bosetšhaba mo dintlheng tse di re tlhalosang jaaka naga.
Dintlha tse pedi tse di ntseng jalo di tlhoka go umakiwa go se nene.
Ya ntlha ke tshitshinyo ya gore re tlhome maikano a a tla bolelwang ke baithuti mo dikopanong tsa sekolo mo mesong, ga mmogo le Maikano a Bašwa a a tlhagisang meono ya maitsholo a botho le kopano ya botho mo go maAforika Borwa otlhe. Tona ya Thuto o tla tlhalosa puisano ya setšhaba ka dintlha tse mo bekeng e e tlang.
Ntlha ya bobedi ke ka ga maina a thutalefatshe le a mafelo, a a tlhokang tsamaiso e e golagantsweng mo diporofenseng tsotlhe gore re tlhome motheo wa diphetogo tse re di tshitshinyang. Re tla goeletsa tsamaiso e e golaganeng e mo tsamaong ya nako, ka ketelelopele ya Khansele ya Aforika Borwa ya Maina a Mafelo le Dikomiti tsa yona tsa Diporofense.
Fa re ne re lebile ntlha ya bosenyi mo Bonno jo bo Kopanetsweng jwa Palamente ngogola, re tlhalositse kamego e kgolo e seng fela ka dielo tse di kwa godimo tsa bosenyi, mme le ka ga gore maemo a bonala a etegela segolo fa re labile polao - e gwetlha seelo sa ditlhabolo fa e sale go fitlhelelwa ga temokerasi.
Ngogola, re ne ra tsena mo tirisanong le kgwebo le makala a mangwe a baagi, go tlhoma leano le le tletseng la go tokafatsa tsamaiso ya botsamaisi le bosenyi ka botlalo.
Mo ntlheng e, ka mowa wa Tsamaiso e e Farologaneng, Kabinete e dumalane ka setlhopha sa diphetogo tse di tlhokegang go tlhoma tsamaiso ya bosiamisi le bosenyi e ntšhwa ya segompieno, e e dirang sentle e bile e fetogile. Gareng ga tse dingwe, se se tla akaretsa go tlhoma setheo se se golaganyang sa botsamaisi sa tsamaiso e kwa maemong otlhe, go tloga go a bosetšhaba go ya go a selegae, go golaganya baatlhodi le bommagiseterata, sepodisi, batšhotšhisi, ditirelo tsa tlhabololo le Boto ya Thuso ya Semolao, ga mmogo le ditsereganyo tse dingwe, go akaretsa go matlafadiwa ga Diforamo tsa Sepodisi sa Baagi.
Jaaka Maloko a a Tlotlegang a itse, mangwe a maiteko a a setse a simolotse, fela re na le bonnete jwa gore, fa otlhe a ka diragadiwa ka tsela e e golaganeng ya tirisano, seabe se ka nna kwa godimo mo ntweng ya rona kgatlhanong le bosenyi. Ditona tsa Setlhopha sa Bosiamisi, Thibelo ya Bosenyi le Tshireletso di tla tlhalosa dintlha ka ga se le maiteko a mangwe mo tsamaong ya beke e e tlang.
Mo tsamaong ya ngwaga o, re tla dira Melaokakanywa ka ga phetolo ya boatlhodi ka ditherisano le baatlhodi le bommagiseterata, re konosetso leano le le ikaeletseng go matlafatsa taolo ya melelwane le tshireletso, re phedise gape le Tšhata ya Batswasetlhabelo, ela tlhoko ntlha ya disenyi tse di boelelang, le go tswelela ka go tsenya tirisong mekgwa e mengwe ya go bona dikatlenegiso go tswa go Khomišene ya Nnete le Poelano.
Re rotloediwa ke tiro ya go gagamatsa ntwa kgatlhanong le bosenyi jo bo rulagantsweng, ga mmogo le dikatlenegiso tsa Khampepe Judicial Commission ka ga tiro le lefelo la Bokaedi jwa Ditiro tse di Kgethegileng (Directorate of Special Operations) ga mmogo le go tswelela go sekaseka ntlha e, go akaretsa go fetolwa ga Tsamaiso ya Bosiamisi le Bosenyi, kwa bokhutlong jwa Mopitlwe monongwaga, re tla dirisana le Palamente ka molao le ditse tse di tlhokegang go tswelela go oketsa bokgoni jwa rona kgatlhanong le bosenyi jo bo rulagantsweng.
Se se tla tswelelang go re kaela jaaka re tsaya kgato e e tla nna boineelo jwa puso go lwantsha bosenyi jo bo rulagantsweng le go tokafatsa botsamaisi, bokgoni le momagano ya ditheo tsa semolao tsa rona.
Se se botlhokwa ke gore, katlego ya rona go lwa kgatlhanong le bosenyi e ikaegile ka tirisanommogo ya rona rotlhe jaaka maAforika Borwa a a ikobelang molao, re rotloediwa ke melawana ya molao, tlotlo ya boatlhodi le go latelela ditshwanelo tse di lekanang tsa botho, tse Molaotheo wa rona o re rotloetsa go di latela mo matshelong le ditiro tsa rona tsa letsatsi le letsatsi.
Re tla tswelela monongwaga ka maiteko a go tokafatsa didiriswa tsa puso gore e fitlhelela maikarabelo a yona go baagi. Mowa wa Tsamaiso e e Farologaneng o tshwanetse go dira mo go botlhe ba ba rweleng maikarabelo a go nna badiredi ba setšhaba.
Go na le dintlha tsa botlhokwa tse di bonolo tse re tla di lebang, jaaka karolo ya maiteko a go tokafatsa thulaganyo le bokgoni jwa puso.
Sa ntlha, go dumalanwe mo makaleng otlhe a puso gore segolo diphatlhatiro tse di masisi di tshwanetse go tladiwa mo dikgweding tse thataro tsa gore di tlhagelele. Lefapha la Tirelo ya Baagi le Botsamaisi le tla tlhoma tsamaiso ya go ela tlhoko go tsenngwa tirisong ga tshwetso e.
Sa bobedi, ka Motsheganong wa ngwaga le ngwaga (le mo dikgweding tse pedi tsa ngwaga wa ditšhelete kwa maemong a dipusoselegae) batsamaisi ba ba ba kwa godimo ba tshwanetse go bo ba rometse Ditumalano tsa Tiragatso ya bona kwa bothating jo bo maleba. Kantoro ya Khomišene ya Ditirelo tsa Setšhaba e tla tlhoma tsela ya go ela tlhoko ntlha e.
Sa boraro, ka go lemoga go Lefapha la Merero ya Selegae le ama botshelo jwa moagi mongwe le mongwe, monongwaga re tla gagamatsa go tsenngwa tirisong ga leano la diphetogo le le dumetsweng ke Kabinete. Lona le akaretsa go tokafatsa marara a IT, go karisa badiri mo marareng a mašwa a, go kumola ba ba dirang bonweenwee le go leka karata e ntšhwa ya ID.
Tokafatso ya tiragatso mo tirelong ya setšhaba e ikaegile gape ka boleng jwa boeteledipele jo bo newang ke botsamaisi jwa khuduthamaga le jo bo kwa godimo. Gape, go botlhokwa go tsweletsa boineelo jwa bathapiwa ba setšhaba mo ditirong tsa bona - tiro e e leng ya boeteledipele, badiredi ba setšhaba ka bobona le mekgatlo ya diyunione tsa badiri.
Mo ntlheng e, monongwaga, ka puisanao le diyunione tsa badiri, re tla rulaganya Samiti ya Lekala la Setšhaba go dira ka dintlha tse gore mowa wa Batho Pele o diragadiwe gotlhe mo tirelo ya puso e rebolwang teng.
Ka tirisano le balekane ba loago, re tla netefatsa gore, kwa bokhutlong jwa monongwaga, Thulaganyo ya Bosetšhaba e e Kgatlhanong le Bonweenwee ya bobedi e a amogelwa, le gore leano la tiro le le dumalanweng le kgwebo le tsenngwa tirisong. Kwa maemong a pusoselegae, re tla thusa bommasepala ba le 150 go tlhoma maano a bona a a kgatlhanong le bonweenwee.
Monongwaga re tla tswelela go gagamatsa maiteko a go matlafatsa bokgoni jwa dipusoselegae go elana le Leano la Dipusoselegae (Local Government Strategic Agenda) la dingwaga tse 5. Go netefatsa keletlhoko e e tseneletseng mo ntlheng e, SALGA e dumetse go tlamela ka dipegelo tsa dikwatara tsa tiro e e dirwang.
Go kgona go tokafatsa tirelo e e rebolelwang ditlhopha tse di bokoa jaaka bagale, basadi le bašwa, re tla leba gape ditheo tse di rwesitsweng maikarabelo a go diragatsa ditiro tse le go tlhatlhoba dipaakanyo tse di maleba, go akaretsa tshekatsheko ya ditheo tsa puso tse di tlhomilweng go lebagana le merero ya tlhabololo le matlafatso ya bašwa.
Bontsi jwa dikgwetlho mo tirong ya rona tse re setseng re di bone di bakwa ke makoa a a malebana le thulaganyo ya rona. Ka jalo jaaka karolo ya Dintlha tsa Botlhokwa tse di kwa Setlhoeng, mo pakeng e e tlang re tla konosetsa ditiragalo tse di tla re kgontshang go oketsa bokgoni jwa puso jwa go tsenya tirisong maano a a momaganeng, a a akaretsang maemo otlhe a puso.
Thulaganyo e re e tlhalositseng e akaretsa boineelo jo naga ya rona e dumalaneng ka jona le boeteledipele jwa kontinente ka African Peer Review Mechanism.
Tsepamo ya rona mo go rotloetseng Lenaneo la Aforika mongwaga, e tla bo e le ka ga go matlafatsa ditheo tsa Aforika, go akaretsa Kitlano ya Aforika le thulaganyo ya yona ya tlhabololo, NEPAD.
Se re tla se dira re rotloediwa ke maikaelelo a a tshwanang a batho ba kontinente a momagano e kgolo go latelela kitlano ya kontinente mo maemong otlhe. Kgato e e botlhokwa mo ntlheng e ke thulganyo ya ditheo tsa dikgaolo le ditiragalo tse di kobisitsweng go fitlhelela momagano ya dikgaolo.
Re tla tswelelela go ineela mo lefelong la kgwebo le le gololosegileng mo Southern African Development Community, le go solofela go dirisa Bonnasetilo jwa rona jwa SADC jwa 2008/2009 go matlafatla dikeletso tsa kgaolo mo dintlheng tse.
Mo bokaelong jo, gape, gore re tla tsweletsa dikamano tsa maphatamabedi le tsa maphatamantsi le baagisani ba rona le European Union, go netefatsa gore ditherisano tsa rona ka ga Ditumalano tsa Dimphato tsa Ikonomi di konosediwa ka bonako jo bo kgonegang, go ikaegilwe ka go itlhaganedisa tlhabololo ya kgaolo ya rona.
Mo ngwageng o o fetileng, re diragaditse maikarabelo a SADC go thusa boeteledipele jwa sepolotiki jwa Zimbabwe go bona tharabololo e e tswelelang ya mathata a sepolotiki a ba lebaganeng nao. Re nnile le tšhono kwa AU Summit kwa Addis Ababa ya go kgona go rebola pegelo e e botlalo go boeteledipele jwa SADC ka ga ntlha e.
Ka bokhutshwane, matlhakore a a amegang mo ditherisanong a fitlheletse tumalano e e tletseng mo dintlheng tsotlhe tse di amanang le merero e matlhakore a a tshwanetseng go samagana nayo. Yona e akaretsa dintlha tse di amanang le Molaotheo, tshireletso, bobegakgang, melao ya ditlhopho, le merero e mengwe e go ntseng go sa utlwanwe ka yona dingwaga di le dintsi. Melao e e maleba mo ntlheng e e setse e dumeletswe ke palamente, go akaretsa diphetogo tse di tlhokegang tsa molaotheo. Se se setseng fela, ke ntlha ya tsamaiso malebana le nako le mokgwa wa go tsenngwa tirisong ga Seralwa sa Molaotheo se go dumalanweng ka sona.
Ka jalo, re golagana le Ditlhogo tsa Dinaga le tsa Dipuso tsa SADC mo go akgoleng maphata a Ditherisano tsa Zimbabwe ka diphitlhelelo tsa bona tse di duleng diatla e bile re ba rotloetsa go dira mmogo go rarabolola ntlha e e setseng ya tsamaiso. Jaaka go kopile Ditlhogo tsa Dinaga le tsa Dipuso tsa SADC re sa ntse re ikemiseditse go tsamaisa ditherisano tsa Zimbabwe. Le fa go le jalo, re eleletsa batho ba Zimbabwe katlego mo ditlhophong tse di beetsweng go tshwarwa ka 29 Mopitlwe.
Dikamano tsa rona tse di maphatamantsi le Democratic Republic of Congo di a tswelela, jaaka re rata go nna le seabe mo maitekong a go thusa bagarona ba naga eo go fitlhelela kagiso ya leruri, le go tsenya tirisong thulaganyo ya bona ya kagosešwa le tlhabololo.
Puso ya rona e tla tswelela go tshwarwa ke ditiragalo tse di diragalang kwa Kenya, Chad, Burundi, Darfur kwa Sudan, Western Sahara, Côte d'Ivoire, Somalia, the Comoros le Central African Republic go bona kagiso ya leruri le maemo a a ritibetseng.
Re swabiswa ke dipolao tse di senang tlhaloganyo kwa Kenya le Chad, dilo tse di sirang tswelelepele e re ntseng re e dira mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng tebang le kagosešwa ya kontinente ya Aforika. Re ikuela go balekane botlhe mo Aforika go dira sengwe le sengwe se re ka se kgonang, mmogo go thusa go thibela maemo a a sa iketlang a.
Re tla tswelela go diragatsa tiro ya rona mo Khanseleng ya Tshireletso ya Ditšhabakopano. Se se botlhokwa mo ntlheng e, ke go matlafatsa tirisano magareng ga Khansele ya Tshireletso ya UN le Khansele ya Kagiso le Tshireletso ya Kitlano ya Aforika.
Re tlhotlhelediwa ke keletso ya go tokafatsa boleng jwa botshelo jwa batho botlhe ba rona, segolo mo dinageng tse di tlhabologang, re tla tsepama mo go tsweleleng go matlafatsa go nna le seabe ga rona mo diforamong tsa India-Brazil-Aforika Borwa, New Africa-Asia Strategic Partnership, Non-Aligned Movement, Group of 77 le ditherisano go konosetsa tumalano ya kgwebisano ya SACU-Mercusor.
Ka yona tsela eo, re tla tswelela go nna le seabe mo go fitlheleleng maitlhomo a Kyoto Protocol on Climate Change le ditlhabologo tse di diragalang mo ntlheng e, le ka go matlafatsa ditherisano ka ga WTO Doha Development Round.
Monongwaga re keteka ngwaga wa bolesome wa go tlhongwa ga dikamano tsa sedipolomate magareng ga Aforika Borwa le People's Republic of China. Go runya ga dikamano mo mafelong a a farologaneng fa gare ga dipuso le batho ba rona go netefatsa gore China-South Africa Partnership for Growth and Development ke kamano e e botlhokwa e e ungwelang matlhakore oomabedi, e e ka golang e tswelela pele.
Mo ngwageng o o tlang, re tla nna baamogela baeng ba Review Conference go sekaseka go tsenngwa tirisong ga ditshwetso Khomferense ya Lefatshe Kgatlhanong le Bosemorafe (World Conference Against Racism) e e neng e tshwaretswe mo nageng ya rona ka 2001. Re na le bonnete jwa gore ka ntlha ya letlhoo le botlhoko jwa bosemorafe le ditlamorago tse di seng monate tse bo tswelelang go di tshololela mo bathong, dipuso le batho ba lefatshe ba tla dira mmogo le rona go netefatsa gore Review Conference e fitlhelela maikaelelo a yona.
Maikarabelo a a botlhe, go akaretsa go nna baamogela baeng ba Sejana sa Lefatshe sa Kgwele ya Dinao sa FIFA sa 2010, go supa ka netefaletso e batho ba nang nayo ya gore naga ya rona ke monnaleseabe wa botlhokwa mo dikeletsong tse di molemo tsa batho botlhe. Fela ga re a tshwanela go tsaya se botlhofo.
Ke na le nametshego ya gore, ka fa tlase ga boeteledipele jwa International Marketing Council, Trade and Investment South Africa (TISA), Tourism South Africa le ditheo tse dingwe, re tla tsholetsa diatla tsa rona rotlhe ra golagana le lefatshe lotlhe ka ga mowa wa Tsamaiso e e Farologaneng, le go tswelela ga rona go tlhola setšhaba se se tlhokomelang le maemo a lefatshe le tla a bonang mo nageng ya rona go keteka botho jwa Aforika ka 2010.
Morago ga go bua tsotlhe tse ke di buileng, ke boela mo potsong e: maemo a naga ya rona ke afe jaaka re tsena mo go 2008!
Se ke se itseng e bile ke le pelokgale go se bua ke gore: le fa go na le dikgwetlho tsa nakwana re sa ntse re tshotse tsela e e siameng!
Ke bua se ntle le tikatiko gonne ke na le bonnete jwa gore maAforika Borwa a kgona e bile a ikemiseditse go kopana le kgwetlho ya hisetori - go gagamatsa mosifa mongwe le mongwe wa rona - go tsibogela dikgwetlho tsa bosetšhaba tsa ga jaana, go akaretsa tse di amanang le ikonomi ya rona, maemo a sepolotiki le a ikonomi mo Aforika le gotlhe mo lefatsheng, le go dirisa ditšhono tse tswelelopele ya naga ya rona e di tlisitseng mo dingwageng tse somenne tse di fetileng.
Ka diatla tsotlhe di tsholeditswe, re ineela go dira tiro ya rona ka tsela e e farologaneng mme e dira sentle. Re tla tsweletsa thulaganyo ya rona ya kagosešwa le tlhabololo le go e tsholeletsa kwa godimo go gaisa.
Ke a leboga.
<fn>StateoftheNation.2009.2009-04. Tn.txt</fn>
Ke motlotlo go bua mo bonnong jo bo kopanetsweng jwa Palamente ya Repaboliki ya Aforika Borwa, mo tshimologong ya karolo e ya bofelo ya Palamente ya rona ya Boraro ya Temokerasi.
Ke eme fa pele ga batho ba Aforika Borwa ka boikobo ka tšhono e ke nnileng le yone ya go bona setulo se se kwa godimo mo nageng e le ka ntlha ya maemo a a tshwanang a le nosi a tshweetso ya lekoko le le busang ya go ntsha poresitente wa pele.
Sa me ke maikarabelo, mo dikgweding di le mmalwa, go etelela pele Khuduthamaga ya Bosetšhaba mo go feleletseng taolelo e e neetsweng African National Congress mo ditlhophong tsa 2004, le go ala motheo wa tsamaiso ya morago ga ditlhopho go tsamaisa tiro.
Gore mo dikgweding tse tlhano tse di fetileng re bo re dirile phetogo e e tlhamaletseng le tsweletso mo dithulaganyong tsa puso ke ka thuso ya go tia ga tsamaiso ya rona ya molaotheo, e bontlha bongwe ba yone bo bonalang mo tirisanommogong ya maloko a Khuduthamaga - a bogologolo le a mašwa - le seatla se se nonofileng sa balaodi ba lephata la puso.
Fa re leba dingwaga tse di sometlhano tse di fetileng, ke rata go lebogela boineelo le go dira ka natla ga Boporesidente Nelson Mandela le Thabo Mbeki le basadi le banna ba bangwe ba bantsi ba ba nnileng le seabe mo go eteleleng pele puso ka fa tlase ga temokerasi: mo Khuduthamageng le botsamaisi, le dikgotlapeomolao go kgabaganya makala a le mararo a puso le Boatlhodi; ka keletso ya go tokafatsa boleng jwa matshelo a ma-Aforika Borwa otlhe.
Godimo ga moo, ke ema fa pele ga lona ka boikgantsho le go itshepa ka gore Aforika Borwa o re o ketekang gompieno - yo o farologaneng go tswa mo dikgaoganong, kgotlhang le go kgapelwa thoko mo dingwaganyaneng tse sometlhano fela tse di fetileng - ke dipoelo tsa matsapa a banna le basadi ba ma-Aforika Borwa go tswa mefameng yotlhe ya botshelo.
a-Aforika Borwa a emelela tsholofelo le le boitharabologelo jo bo bontshang setšhaba sa rona.
Mo gare ga kokoanong e ntle ya ma-Aforika Borwa go na le maloko a Palamente ya rona ya temokerasi ba ba re tlogetseng go tloga ka kgwedi ya tlhakole e e fetileng mme re batla go ba laela. Bone ba akaretsa Brian Bunting, Billy Nair, Ncumisa Kondlo, John Gomomo, Joe Nhlanhla, Cas Saloojee, John Schippers le Jan van Eck.
Mo go bone, ke rata go tlaleletsa ka Ms Helen Suzman, mo-Aforika Borwa yo o kgethegileng, yo o emetseng meetlo ya Palamente e ntšhwa mo pakeng ya palamente ya maloba.
Ke bone ba le baratagaabo ba bangwe ba ba tshwanetseng go bona tlotlomatso e kgolwane fa re bega gore - le fa go na le difefo tse di fokang mo ikonoming ya rona, diketsaetsego tsa sepolotiki tse di ka farafarang mogopolo wa setšhaba ka nako ya diphetogo - setšhaba sa rona se mo maemong a a siameng.
Fela, ga re a tshwanela go nyatsa dikgwetlho tse re lebaneng le tsone. Go wa ga ikonomi ya lefatshe go tlisa dikotsi tse di boitshegang mo ikonoming ya rona mo mabakeng a go latlhegelwa ke ditiro le boleng jwa botshelo jwa batho ba rona.
Ka tlhago, ketsaketsego ya phetogo mo dipolotiking e ka tlisa dipotso tse dintsi go feta ka moo go ka arabiwang jaanong.
Ka ntlha ya seo, bangwe ba rona ba ka gakiwa ke makhubu a phetogo a bosa jwa dintelo le go sekamela mo go tsone diphefo tse tsa maemo a ikonomi le polotiki.
Fela la rona ke leeto le le nang le tsholofelo le boitsharabologelo.
Gape re ka re, ka bonako jo bo makatsang, dintlha tse dintsi tsa taelo ya molatheo wa rona di lekilwe mo nakong e e fetileng, mme mongwe le mongwe wa bone o falotse teko go bontsha temokerasi e e itharabologelang thata.
Temokerasi ya rona e itekanetse. E ntse e tia, e tshegetswa ke Molaotheo o o ka se tshwantshanngweng le sepe mo lefatsheng.
Ka nnete, go anama ga dipuisano tsa rona tsa sepolotiki ka paka e ya kgaisano ya ditlhopho - tseo botlhe re dumelang fa e tshwanetse go nna le seriti le kagiso - ke bonnete jo bo totobetseng jwa go tswelela go nna teng le go tia ga temokerasi ya rona.
Ke batho ba Aforika Borwa ba ba netefaditseng tswelelopele ya yone; mme ke bone bao ba tla sireletsang temokerasi ya rona mo dingwageng tse di tlang.
Ntetle, Mme Sepikara le Modulasetulo, mo lebakeng le go kopa ma-Aforika Borwa otlhe a a tshwanelang ke go ikwadisa le go bouta mo ditlhophong tse di latelang tsa bosetšhaba le tsa porofense, gore re kgone go ithulaganyetsa kwa re yang teng rona ka borona.
Re tshwanetse go dira se letsatsi lengwe le lengwe mo diofising tsa mmasepala, pele lenaane la batlhophi le tswalelwa. Gape re tshwanetse go dirisa tšhono ya ikwadiso e e kgethegileng e e rulaganyeditsweng mo bokhutlong jwa beke ke Khomišene ya Ditlhopho ya Aforika Borwa (IEC) ka moso le ka Sontaga, ka di 7 le 8 Tlhakole ka go latelang.
Gape ke rata go dirisa tšhono e go tlhagisa gore mo matsatsing a le mmalwa a a tlang ke tla wetsa dipuisano le Khomišene ya Ditlhopho le Ditona tsa Diporofense le go itsise letlha la ditlhopho.
Re tlhoka go akgola jaaka re le temokerasi batho ba Aforika Borwa bao, ka di 27 Moranang 1994, lwa ntlha ka bongwefela ba itiretseng kwa ba ba tlang go ya teng/isago.
Ka kgato e e bonolo fela e le botlhokwa ya go boutela puso ya batho botlhe ba naga, re furaletse tse di kwa morago tse di sotlileng ba botlhe.
Ka jalo go matshwanedi gore mo tirong e go keteka segopotso sa bo 20 sa go amogela Boikano jwa Komiti ya Nakwana ya (OAU) mo Borwa jwa Aforika mo Ntlheng eo Aforika Borwa e e amogetseng ka Phatwe, 1989 - gape bo tlwaelegile e le Boikano jwa Harare.
Itshimololelo e e adile motheo wa tumelelano ya lefatshe ka bophara, go ya ka United Nations, ka ga mokgwa wa ditherisano mo Aforika Borwa.
Mo Aforika Borwa, e tlhaloswa gape ke diteng tsa Khonferense ya 1989 ya Bokamoso jo bo nang le Temokerasi - bo tlisa kopanya baratagae go tsweng mo mefameng yotlhe ya botshelo.
Tsotlhe tse di dirile gore go nne le tsamaiso ya ditherisano tse di re isitseng kwa ditlhophong tsa ntlha tsa temokerasi ka 1994.
Mo ntlheng e, re tshwanetse go akgola moswi Poresitente wa African National Congress, Oliver Reginald Tambo, ka a simolotse le go lekeletsa go ya ka mekgatlho ya mo kontinenteng le mo lefatsheng se e feleleditseng e le thulaganyo ya tharabololo ya kagiso ya kgotlhang mo nageng ya rona.
Kgato e e masisi eo ya go dira letlhomeso le le tla dirang kagiso le poelano, mo lefelong la ntwa le kgotlhang, le buseditse morago bosula ba dingwaga tse di lekgolo tse di fetileng: ke gore, go dira Mokgatlho wa Bosetšhaba ka 1909 yo o lerileng go tlhamiwa ga Kopano ya Aforika Borwa.
Le fa Mokgatlho o o tlhalosa go tshwaragana ga Aforika Borwa jaaka re go itse ga jaana, go ne go lebisitswe mo kgatelelong go ya ka merafe le go kgapelwa thoko.
Jaanong, dingwaga tse 15 mo temokerasing ya rona, re ka netefatsa gore poifo, go tlhoka tshireletsego le o okaoka mo dingwageng tse 100 tse di fetileng go bakileng kagiso e e tlhaolang e bile e le ya maithamako mo beng ba bokoloniale, se se ne se sa utlwagale; e bile se dirisiwa botlhaswa.
Dipoifo tseo le go tlhoka tshireletsego go lerile dingwagasome tsa kemokgatlhanong. Mo ntlheng e, re akgola morwa yo o sebete wa batho ba rona, Solomon Kalushi Mahlangu yo o neng a ya go kalediwa dingwaga tse 30 tse di fetileng, a sa belaele sepe, ka kitso ya boikgantsho jwa gore madi a gagwe a tla nosetsa setlhare sa kgololosego.
Ntetleleleng go amogela Lucas Mahlangu, mogoloe Kalushi, yo o emetseng ba lelapa la Mahlangu.
Solomon Mahlangu o ne a tsweletsa moetlo wa masole a ngwaga o o fetileng, magareng ga bone re balela bao ban eng ba le ka fa tlase ga Kgosi Cetshwayo yo ka 1879 a fentseng masole a Borithane kwa Isandlwana, a sireletsa kgololosego ya batho ba naga ya rona le go ikemela ga mafatshe a bone.
Fa morago ga dingwaga di le 130, re ka ikgomotsa ka tsholofelo le boitharabologelo jo bo neng jwa tsena mo dipelong tse di tiileng tsa bone.
Mo ditikwatikweng tsa thuto, kemokgatlhanong eo e bakile go gana ka mogoso ka nako ya mariga morago ga go iletsa mokgatlho wa kgololosego le go golegwa ga bontsi jwa baeteledipele ba bagolwane ba one.
Setlhopha sa baithuti ba digatlhamela masisi se ne sa tswa NUSAS go tlhama Mokgatlho wa Baithuti wa Aforika Borwa (SASO) mo dingwageng tse 40 tse di fetileng.
Mo setlhopheng se go nnile le baeteledipele ba pele ba SASO, ba ba akaretsang: Strini Moodley, Professor Barney Pityana, Steve Biko, Onkgopotse Tiro, Harry Nengwekhulu, Themba Sono, Mapetla Mohapi, Mosioua Lekota, Johnny Issel le Mthuli ka Shezi. Re a ba akgola, ka gonne ba tlisitse tsholofelo mo nakong ya go latlhegelwa ke tshepo. Mo lebakeng le, ke rata go amogela ntsalagwe Onkgopotse Tiro, Pat Tlhagwana.
Gape mo lebakeng le re rata go amogela yo o re tlogetseng Ephraim Mogale, poresitente e e simolotseng Mokgatlho wa Baithuti ba Aforika Borwa dingwaga tse 30 tse di fetileng (Cosas), le balekana nae.
Mo go gopoleng baithuti ba ba ngwaga e e fetileng go na le molaetsa o o renang, o o tiisang lenyora la tokologo le kitso mo tlhokomelong ya bašwa ba rona.
Molaetsa wa ditiro tsa rona tsa bogaka o bontsha bonnete gompieno fela jaaka mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng, gore mmogo re godise ditšhono; gore ka nnete, go ya ka mafoko a Tšhata ya Kgololosego, re bule thata "dikgoro tsa thuto le ya setso"!
Re gopola mekgatlho le baeteledipele ba go rotloetsa mowa wa tsholofelo le boitharabologelo e e tsweleleditseng kgaratlho ya temokerasi le fa go ne go sena tsholofelo; go go tlhagisa maikarabelo a a mo magetleng a rona go tsweletsa dikakanyo tse bontsi bo di lwetseng, ba gana go fenngwa ke dikgoreletsi le mathata.
Ka jalo, Mme Sepikara le Motlotlegi Modulasetulo, ra tshwanetse go ipotsa gore: ditiro tsa rona di tlhalositse jang tsela ya phetogo mo setšhabeng sa Aforika Borwa mo dingwageng tse sometlhano fa e sale go tsweng botsalo jwa temokerasi; le gore re tsweleditseng jang tlhabololo ya batho le seriti sa botho fa e sa le taelo ya temokerasi ya 2004!
Gompieno re na le thulaganyo e e dirang sentle ya temokerasi, e e dirang go ya ka melawana ya go tlhoka bofitlha le go se fitlhe sepe, e na le mekgwa e le mmalwa ya go tsaya karolo ga setšhaba le ditheo tse di ikemetseng tse di laetsweng ke Molaotheo go tshegetsa temokerasi.
Mo dingwageng tse di fetileng, re ntse re tokafatsa dibopego tsa puso. Re agile thulaganyo ya dikgokagano tse di siameng tsa go kgabaganya makala a puso le kgolagano e e tokafetseng magareng ga one.
Go ntse jalo, puso e ka ipela gore re fetotse sebopego sa temokerasi ya tirelo puso, e mo maphateng a otlhe e emeletseng mokgwa wa setšhaba sa rona.
Le fa go le jalo, fa basadi ba emetse 34% ya ditiro tsotlhe tse di kwa godingwana mo tirelo pusong, se se sa ntse se le kwa tlase ga seelo sa tekatekano e re neng re ipeetse yone.
Mo maemong a dikgotlapeomolao tsa bosetšhaba le diporofense, go bontsha gore mo ngwageng ono setšhaba se tla tokafatsa 32% ya kemedi ya bomm e e fitlheletsweng ka 2004 e bile re solofela gore, le 40% e e fitlheletsweng ka 2006 mo ditlhopong tsa pusoselegae?
Re solofela gore makoko otlhe a dipolotiki, fa a ntse a feleletsa go baakanya manaane a ditlhopho, a tseye se tsiya!
Le fa go nnile le tswelelopele nngwe, ka 0,2%, maemo ga a itumedise sentle mabapi le batho ba ba sa itekanelang mo mmeleng ba ba thapilweng ke puso, fa go bapisiwa le phitlhelelo ya 2% e re neng re ipeetse yone.
Mo mabakeng a mabedi a, setheo sa poraefete se saletse kwa morago thata.
Go tserwe dikgato tse di farologaneng go tokafatsa nonofo ya bodiredi puso go akaretsa tsamaiso ya matlole, Ditikwatikwe tsa Tirelo tsa Thusong, le boitlhamedi jwa thebolelo ya ditirelo, izimbizo le, ga jaana mo Lefapheng la Merero ya Selegae, boeteledipele jo bo tiileng.
Le fa go le jalo, go sa ntse go na le tiro e ntsi e e tshwanetseng go dirwa go tokafatsa mokgwa wa tirelo le go kaela badiredidipuso bangwe, segolobogolo bao ba dirang le setšhaba ka tlhamalalo.
Jaaka Maloko a a Tlotlegang a itse, puso ya rona e dirile go lwantsha bobodu e nngwe ya dintlha tsa botlhokwa.
Se se tlhageletse, magareng ga tse dingwe, mo peomolaong, melaong le melawaneng e e busang badiredipuso le boradipolitiki, dikamano le setšhaba le dikgwebo, gammogo le megala e go begiwang bobodu mo go yone.
Gape e ka nna gore dithulaganyo tse di thibelang le go otlhaela bobodu di sa ntse di sa lekana; fela go tswa mo ntlheng ya dithulaganyo tsa puso, re ka ikgotsofatsa ka gore mo dikgetseng tse di fetang 70% tsa bobodu tse di begilweng mo bobegakganyeng di tswela mo pepeneneng ka ntlha ya fa puso e e lemogile ditlolomolao mme e tsaya dikgato kgatlhanong le seo.
Dikgwetlho tseno di ntse di itemogelwa ke setheo sa poraefete. Kwa bofelong, kgwetlho ke ka ga taolo; fela jaaka go tshwanetse go nna le kobamelo e e tlhomameng.
Ke tshepa gore re a dumelana gore go itekanela ga setšhaba sa rona go ikaegile ka, segolobogoIo, ka tswelelopele e re e dirang mo go godiseng khumo ya setšhaba le go netefatsa gore ditshiamelo tsa kgolo ya ikonomi di abelanwa ke batho botlhe.
Go totobetse gore, fa morago ga go se tswelele ga ikonomi ga dingwaga tsa bofelo tsa 1980 le tsa ntlha tsa 1990, Aforika Borwa e itemogetse paka e telele ya kgolo e e tswelelang ya ikonomi fa e sale go kwadiwa ga dipalopalo tse di jalo tse di simolotsweng ka 1940.
Mo Pakasomeng ya Ntlha ya Temokerasi, kgolo ya ikonomi e nnile 3% ka ngwaga, mme e ya tokafala go nna 5% ka ngwaga go tloga ka 2004 go ya go 2007.
Fa kgolo ya badirisi, e e bakwang ke go gola ga ditiro le lotseno le infoleišene e e kwa tlase le dikelo tsa morokotso, e na le seabe se segolo mo ntlheng e, re rotloediwa ke go raopa go go anameng ga ditšhono go tsweletsa go golela pele.
Tseno di akaretsa, lwa ntlha, dikelo tse di kwa godimo tsa tsalo mo maphateng a puso le a poraefete. Mo ntlheng e, mo dingwageng di ka nna tlhano tse di fetileng, re ne re palelela mo go 16% ya tlhamo ya kapitale ya kerose e e tlhomameng e le peresente ya Gross Domestic Product (GDP). Seo e nnile potlakiso mo tsadisong e gompieno e leng 22%, e e gaufi le 25% e re e ikaeletseng go e fitlhelela ka 2014.
Se ke karolo ya ditlamorago tsa manaane a a simolotsweng ke puso a go atolosa mafaratlhatlha a botlhe.
Gape ke ditlamorago tsa dipholisi tsa go tokafatsa maemo a ditsadiso tsa setheo sa poraefete; gape go dirisa pholesi ya sekgwama sa madi a puso le madi ka mokgwa o o atolosang phitlhelelo go ditirelo le go fokotsa morwalo wa infoleišene gape le go netefatsa go tlhomama le go tswelela go nna teng ga ikonomikgolo.
Tsepamelo mo go fetoleng ikonomipotlana mo pakasomeng e e fetileng, le matsapa, segolobogolo go tloga ka 2004, ka thulaganyo ya go tlosa dikgoreletsi tsa kgolo, e atlegile thata.
Ke ka ntlha ya se gore Leano la Potlakiso le Kabelano ya Kgolo (AsgiSA) le bo le tlhomilwe, go netefatsa gore dikgoreletsi tsotlhe tse dikgolo jaaka go sa tswelele ga dithulaganyetso, dipholesi le manaane a diintaseteri tse di kopantsweng, go tlhokega ga bokgoni, mekgwa ya go laola le ditirelo tse di siameng tsa puso di sekasekiwa ka mokgwa o o tlhomameng e bile o rulagane.
Ikonomi ya rona e bulegile thata, mme fa e sale ka 1994, e tseneletse mo thulaganyong ya lefatshe ka bophara. Ditheo tsa rona tsa matlole ke dikao tse di siameng tse ka mokgwa mongwe di re sireleditseng mo dintelong tsa ikonomi ya lefatshe ka bophara.
Fela, go e fitlhelela ga setšhaba sa rona, go sa le kgakalanyana. Ikonomi ya rona e ikaegile thata mo diromelwantleng tsa meepo le temothuo. Ntle ga setheo sa ditirelo, ga re ise re bone kgolo e e maatla mo ditheong tsa botlhokwa, segobogolo sa ditlhagiso.
Ka jalo, kelo ya kgolo mo diromelwantleng ga ise e nne kwa godimo fa e bapisiwa le dinaga tse dingwe. Ke bone bokoa jo bo bakileng tlhaelo e kgolo mo Akhaontong ya Current segolobogolo fa re tsena mo kgolong ya ditlhopha tse kgolwane.
Ka ntlha ya fa re na le kelo e e kwa tlase ya go boloka, re ne ra tshwanela ke go ikaega ka madi ya pakakhutshwane go duelela go tlhaela ga ditšhelete gammogo le manaane a rona a tsadiso.
Tse ke dikgwetlho tse naga ya rona e tla tshwanelang go di rarabolola go tswelela pele.
Sa botlhokwa thata ke potso e: totatota kgolo ya ikonomi e tshwanetse go nna ka ga eng Khumo e diriwa gore e tokafatse boleng jwa matshelo a batho?
Ka jalo, potso ya gore a kgolo e abelanwa ka go lekalekana e tshwanetse go nna kwa setlhoeng mo mabakeng otlhe a ikonomi.
Sa botlhokwa, go abelana ditshiamelo tsa kgolo go tshwanetse go akaretsa go thapa badiri, go netefatsa gore go na le ditiro tsa maemo a a siameng.
Ke nnete, go totobetse gore magareng ga 1995 le 2003, ikonomi e bakile ditiro tse dintšhwa di ka nna milione o le mongwe le halofo; e bile se se itumedisang thata, ditiro di ka nna 500 000 ka ngwaga magareng ga 2004 le 2007.
Mo pakeng e, ke la ntlha fa e sale go bonwa ga temokerasi, ditiro tse dintsi di tlhamilwe go feta batho ba bantšha ba ba neng ba simolola go dira, mme seo sa fokotsa kelo ya botlhokatiro go tloga go 31% ka 2003 go ya go 23% ka 2007.
Ee, se ga sa tshwanela go sutisa mo boitlamong jwa rona jwa go tsweletsa go sekaseka boleng jwa ditiro tse, go akaretsa ditshwanelo le ditshiamelo tsa badiri.
Go abelana ditshiamelo tsa kgolo go akaretsa go potlakisa go tsenyatirisong lenane la dikgato tsa go lere tekatekano mo tirong, go akaretsa Matlafatso e e Atolositsweng ya Ikonomi ya Bantsho.
Se ga se go tsweletsa morero wa tlhaolele ya semorafe. Mo nneteng, naga e e sa netefatseng go akaretsa batho ba yone botlhe mo maemong otlhe a ditirotiro tsa ikonomi e tlile diragatsa kwa tlase ga fao e neng e ka diragatsa.
Ntlha ya gore setheo sa poraefete se saletse morago mo go fetoleng dipalopalo tsa ditiro tsa bolaodi le bokgoni, mo tlhabololong ya dikgwebo jalo le jalo, di dira gore naga ya rona e salele kwa morago mo maphateng a kgolo e e kwa godimo.
Go abelana ditshiamelo tsa kgolo gape go kaya gore go na le seabe se se siameng e bile se na le tekatekano mo pusong mo go diriseng matlole jaaka sediriso sa kabosešwa le kabelano ya morwalo wa go neelana ka dithoto tsa setšhaba.
Maloko a a Tlotlegang a itse bontsi jwa tshedimosetso ka mabaka a a amanang le tuelo ya loago. Fela ke tla ama dikao di le mmalwa gape go thadisa tswelelopele e re e dirileng le dikgwetlho tse re lebaneng le tsone.
Puso e itse sentle gore botlhoki jo bo tseneletseng bo sa ntse bo le teng mo setšhabeng sa rona, le gore maemo a go tlhoka tekatekano a kwa godimo.
Mo dingwageng tse 15 tse di fetileng re dirile ka natla go lwantsha se ka go neelana ka tuelo ya loago.
"Lwa ntlha, botlhoki jwa tšhelete bo ile kwa tlase thata fa e sale tshimologo ya ngwagakgolo. Phokotsego e e bakilwe ke katoloso e kgolo ya ditshenyegelo tsa tuelo ya loago go tloga ka 2002 go ya pele. Tokafalo e e bonala mo go fitlheleleng ditirelo tsa motheo - phokotsego ya ka bonako mo botlhoking jwa dithoto e bile e tlile pele ga botlhoki jwa madi. La bobedi, le fa diphokotsego mo botlhoking e nnile tse di kwa godimo, selekanyo sa go tlhoka tekatekano se oketsegile mo dingwageng tsa bo 1990. La boraro, dipharologanyo tse di kayang mekgwa ya botlhoki le tekatekano di tlhomamisa tebo e e sephara ya pholisi Botlhoki bo ile tlase fa e sale phetogo, fela ...go tlhoka tekatekano ga go a tokafala."
" Magareng ga malapa go akaretswa bana (ba ba tlhalosiwang e le ba dingwaga tse 17 go ya tlase), palo ya malapa a a begang fa ngwana a tshwarwa ke tlala e ile kwa tlase thata (go tloga ka kwa godingwana ga 31% go fitlha go 16%) magareng ga 2002 le 2006. Se se tshisinya gore maemo a botlhoki a tokafetse thata, segolobogolo magareng ga batho ba ba itemogelang go tlhoka go go kwa godimo ga tlhokomelo. Go nna teng ga tlala mo baneng go fokotsegile ka halofo mo dingwageng tse nne."
Go ntse jalo, maitemogelo a a tlhomamisiwa ke patlisiso ya rona, e e bontshang fa botlhoki jwa lotseno, segolobogolo magareng ga setšhaba sa Bantsho le Bammala, bo fokotsegile, e le ka ntlha ya dikelo tse di kwa godimo tsa tiro le go fitlhelela dituelo tsa loago. Le fa palo ya batshola ditshiamelo ba dithuso e ne e le dimilione di le 2,5 ka 1999, ka 2008 e ne e tlhatlogetse go 12,4-million.
Se ke ka ntlha ya katoloso e kgolo ya go fitlhelela Thuso ya Tshegetso ya Bana, e e oketsegileng go tswa go batshola ditshiamelo ba le dikete tse 34 ka 1999 go fitlha go ba le dimilione di le 8,1 ka 2008.
Jaaka karolo ya go nna le seabe mo lotsenong lwa batlhoki, ditšhono tsa tiro tse di neng di totilwe di le milione o le 1 go ya ka Lenaneo la Katoloso ya Ditiro tsa Setšhaba le ne la fitlhelelwa ka 2008, ngwaga pele ga o o neng o lebeletswe go ya ka taolelo ya ditlhopho tsa 2004. Se se bakile kgonagalo e kgolo ya go atolosa lenaneo le le go tokafatsa boleng jwa lone.
Mabapi le go fitlhelela ditirelo tsa motheo tsa lelapa, dipalo di a itlhalosa. Sekao, go fitlhelela metsi a a nowang go tokafetse go tswa go 62% ka 1996 go fitlha 88% ka 2008; motlakase (58% go fitlha 72%); mme kgeleloleswe (52% go fitlha 73%).
Bopaki jwaa tuelo ya loago bo bonwa gape mo ditokafalong tse di kwa godimo mo go fitlheleleng ditheo tsa motheo tsa boitekanelo. 95% ya ma-Aforika Borwa ba nna mo sekgaleng sa dikilomitara tse 5 tsa setheo sa boitekanelo, gape re itsisitswe fa ditliliniki tsotlhe di na le metsi a a nowang. Lenane la go entiwa ga bana le okeditswe ka 85%; mme dikgetse tsa malaria di ile tlase thata.
Gape re kgotsofadiwa ke gore patlisiso mo go nneng teng ga HIV go supa go tlhomama le go fokotseganyana mo dikelong tsa tshwaetsego.
Go feta moo, lenaneo la kalafi ya sethibela ketegelo ga le le golo fela mo lefatsheng; mme le ntse le gola ka dinako tsotlhe, le na le balwetse ba ba fetang 690 000 ba ba setseng ba akareditswe mo kalafing ya sethibela ketegelo fa lenaneo le sa le le simolola.
Le gale ditheo tse dintsi tsa boitekanelo ga di na melemo e e tlhokegang, badiri ba ba tshwanetseng, le go nna teng ga ditirelo tsa motheo jaaka metsi a a phepa le motlakase ka dinako tsotlhe. Mo go tse dingwe tsa ditheo tse, bolaodi jo bo sokameng le badiri ba ba se nang maikaelelo ba tlhoka go tlhabololwa.
Mo thutong, re bona kwelotlase mo tekatekanong morutisi: moithuti; go batlile go nna le phitlhelelo e e akaretsang go ya ka go ikwadisa ga barutwana ba poraemari; le tokafalo mo palong ya baithuti ba ba falolang dipalo, go neelana ka dikao di le mmalwa.
Go ntse go le jalo, matsapa a mantsi a tserwe go tokafatsa mafaratlhatlha kwa mafelong a a tlhokang.
Ee, re a itse gore ba ba tlogelang go ithuta segolobogolo mo maemong a magareng le magolwane go kwa godimo thata, mme thulaganyo ya thuto e tshwanetse go tlhagisa mefuta ya bokgoni e e tlhokwang ke setšhaba.
Mo godimo ga fao, mekgwa ya tiragatso, mo go tsa go ruta le go ithuta, e bontsha go tswelela go go tshwenyang ga dikaroganyo tsa loago tsa nako e e fetileng.
Se se gakgamatsang, moo thuto e batlegang thata teng go thusa go fedisa go tswelela ga botlhoki, ke koo maitemogelo a dithulaganyetso, tsamaiso le thuto di sa kgatlhegelweng.
Mananeo a puso a loago le one a tokafaditse dithoto tsa motheo tsa batlhoki, mo sebopegong sa matlo - ka go neelana ka matlo a a etleeditsweng a le dimilione di le 2,6.
Re tshwanetse go amogela gore lenaneo la kabosešwa le tshegetso ya morago ga go fiwa bonno di ka bo di diretswe ka bonako le botoka.
Ka kakaretso, re motlotlo ka tswelelopele e e mo mananeong a rona a loago. Fela re ka se ikgotsofatse fela ka phetogo fela ya dilo tse re di balang.
E ka nna mo thutong, tsa matlo, metsi kgotsa kgeleloleswei, potso ya botlhokwa e e re lebileng letsatsi le letsatsi ke gore re ka tokafatsa jang ditirelo tse! Mo lebakeng le re sa ntse re na le tsela e telele e re tla e tsamayang.
Bosenyi jo bo boitshegang e ntse e le motswedi o mogolo wa go tlhoka tshireletsego ya ma-Aforika Borwa. Maitemogelo a letsatsi le letsatsi, mo merafeng e e tlhokang le e e itsholetseng ka go lekana, ke e nngwe ya matshosetsi a a bakang tlhaselo.
Mo gare ga ditheo tsa puso le tsa poraefete, kgonagalo ya go runya ga dikema tse di seng ka fa molaong tse di senyang didiriswa ka bobodu, ke tlhoba boroko e kgolo.
Ee, kelo ya bosenyi ka kakaretso, le fa re buile ka 2002, e wetse tlase ka tlhomamo. Dipalopalo tsotlhe di ka tlhagisiwa go netefatsa se.
Fela re a itse gore phokotsego e ntse e sa diragale ka bonako, le fa e le ka kelo ya 7-10% e re ipeetseng yone mo ditlhopheng tse di farologaneng tsa bosenyi. Ntlha ya gore go kgothosa mo malapeng le dikgwebo di ntse di oketsega; le gore bosenyi kgatlhanong le basadi le bana ga di ise di fokotsege ka mokgwa ope, ke tlhoba boroko.
Se se bontsha makoa mo boagisaning jwa rona, segolobogolo mo go ageng dikamano tshwaraganyo ya setšhaba tse di tla re thusang go thibela le go lwantsha bosenyi. Go bontsha thulaganyo ya makoa a thulaganyong ya bosiamisi ya bosenyi, go simolola ka go tlhotlhomisa bosenyi go fitlha ka go kgopholola basenyi. Go bontsha makoa mo go tsamaiseng sentle tsamaiso ya kgotlatshekelo, mo ntlheng ya setegeniki le dithulaganyetso tse dingwe le bolaodi.
Tse ke dintlha tse phetolo e kgolo e thulaganyo ya bosiamisi jwa bosenyi e tshwanetseng go di lebelela.
Fela, fa re ipatlisisa, re tshwanetse go se lebale ntlha ya gore re sekaseka thulaganyo e e nale le, thata le gone, taolo e e botoka go feta e e kileng ya nna teng mo nageng.
Se ke ka ntlha ya diphetogo tse di diragetseng mo ditheong tse, go ya ka meono ya tsone ya mokgwa wa ditshwanelo tsa botho, dipalopalo tsa bone, le dithulaganyo tsa bone tsa maikarabelo.
Fela tla re sekeng ra itomeletsa: jaaka botshelo jwa rona jotlhe jwa loago, phetogo e e jalo e sa ntse e le mo dikgatong tsa motheo. Re sa ntse re na le loeto lo loleele.
Ke na le bonnete ba gore Maloko a a Tlotlegang a tla dumela gore batho ba ba mo pakeng ya rona ya temokerasi ba tshwanetse go bona tlhaloso fao re tla kgonang go thusa ba ba sa sireletsegang mo setšhabeng.
Mo ntlheng e, go ya ka peomolao, mekgatlho ya boditšhabatšhaba, melawana le matsholo a netefaditse gore matsapa a bonalang a tsewe go tokafatsa maemo a bana, basadi, le batho ba ba nang le bogole le bagodi.
Ka matsholo a tshegetso le ka ntlha ya dikamano tse re di dirileng le mekgatlho e e emelelang ditlhopha tse di sa sireletseng tse, re tokafaditse go dira temoso ka ga dintlha tse di ba amang; gape re tsweleditse go rotloetsa go rulaganya sentle matshwenyego a.
Ke ka boipelo gore, sekao, malapa a a eteletsweng pele ke basadi a amogetse tekanyetso ya kabelo e e kwa godingwana ya tuelo ya loago go akaretsa matlo le tlhokomelo ya boitekanelo; le gore magareng ga bontsi ba mananeo a mantsi a a atlegileng go nnile le matsholo ka ga tshoutiso ya bana le phepo ya dijo.
Mme go fitlhelela tiro go wela thata mo basading ba kwa magaeng, baša le batho ba ba nang le bogole. HIV e ama thata basadi ba baša. Go sotlakakiwa ga basadi le bana go kwa godimo thata.
Ditiro tsotlhe tse ke tsa paka e e tlang.
Tse ke tsone ditsweletso tse temokerasi e di tlisitseng; le tsweletso e puso e e dirileng mo go diragatseng taelo ya ditlhopho.
Go ka se sepe sepe gore, ka mokgwa ofe kapa ofe, tsweletsopele e e dirilweng fa e sale 1994 e nnile e e itumedisang. E bile ga go belaetse gore dikgwetlho tsone e ntse e le tse kgolo.
"Ke tsamaile tsela e telele go ya kgololosegong. Ke lekile go se boife; ke fositse dikgato tse dingwe mo tseleng. Fela ke bone sephiri sa gore fa o fetsa go palama thota e kgolo, ke gone o lemogang gore go sa ntse go na le dithota tse dingwe go palamiwa. Ke tsere sebakanyana fa go ikhutsa, go leba pono ya kgalalelo e e mpotologileng, go leba sekgala se ke se tsamaileng. Fela nka ikhutsa fela sebakanyana, ka gonne kgololosego e tla le maikarabelo, mme ga ka tshwanela go diega, ka gonne loeto lo lo telele ga lo ise lo fele."
Mo dikgweding di le mmalwa go tloga jaanong batho ba naga ya rona ba tla itsagatse boeteledipele jo ba bo ratang go diragatsa tiro ka boikobo ya molwelakgololosego yo mogolo yo, le ba bangwe ba ba simolotseng temokerasi ya rona.
Le fa mekgwa e re e dirisang e ka farolagana, maikaelelo a re batlang go a fitlhelela a tlhagisitswe sentle kwa ntle ga go sekamela gope mo Molaotheong wa rona: go bopa setšhaba se se kopaneng, se se na bosemorafe, se sa kgetholole go ya ka bong, e le sa temokerasi e bile se tsweletse pele go nna le seabe se se siameng mo go ageng lefatshe le le botoka.
Mo dingwageng tse thataro tse di fetileng, baeteledipele ba batho ba rona ba ne ba kopana kwa Pitsokgolong ya Kgolo le Tlhabololo mme ba fitlhelela tumelano ka ga ditiro tsa rona rotlhe go tokafatsa boleng jwa matshelo a ma-Aforika Borwa, segoloboglo go fokotsa botlhokatiro le botlhoki ka halofo ka 2014.
go dira ga mo gae le go tsenyatirisong tlhabololo, go akaretsa go neelana ka mafaratlhatlha le go fitlhelela ditirelo tsa motheo.
Ke na le bonnete jwa gore, jaaka karolo le go tlaleletsa maikaelelo a, ma-Aforika Borwa a ka se gane ka ga go tlhabolola thulaganyo ya thuto; go neelana ka tlhokomelo ya boitekanelo e e siameng, e lebega e bile e lekalekana; go tlhabolola metseselegae ya rona le go netefatsa gore go na le dijo; le go matlafatsa twantsho ya bosenyi le bobodu.
Ke bua ka ga dintlha tse, e se ka gonne di akaretsa kgotsa ka gore go di tlhagisa go tla dira gore mathata a setšhaba sa rona a fele. Mme, ke tlhopile go dira jalo go totobatsa ntlha ya gore Aforika Borwa ga e tlhaele fela dikakanyo. Kgwetlho ya rona ke go fetolela dikakanyo tse go mananeo le diporojeke gore re di tsenyetirisong sentle.
Dikakanyo tse di abelanwa ke batho botlhe, jaaka di tlhagisitswe mo Maikaelelong a Mileniamo a Tlhabololo a Ditšhabakopano.
Mme batho ga jaana ba lebane le kotsi ya gore phitlhelelo ya maikaelelo a e ka busetswa morago ka dingwaga tse dintsi, fa e se ka dingwagasome, e le ka ntlha ya maemo a a sa jeseng di welang a ikonomi a a aparatseng lefatshe.
Se, fa godimo, se simolotseng jaaka maemo a a sa jeseng di welang a matlole mo ditheong di le mmalwa tse di adimisanang se fetogile sekoloto go dikologa lefatshe, mme se na le maemo a a sa jeseng monate a kuno le kgwebisano tsa tota.
Re ka nyatsa megabaru, pakakhutshwane le go sa tlhokomeleng ga balaodi ba ditlamo tse dikgolo tse di gakaditseng tlhakatlhakano. Re ka sotla dipholisi tsa dipuso tse di tlodisitseng dintlha matlho le go letlelela mebaraka e e sa laolegegeng go senya tšhelete ya dithulaganyo tsa matlole. Re tla dira tsotlhe tse, mme re tla bo ra na le bonnete.
Fela tirokgolo e bile e le ya ka pele ke go akgola ditlamorago tsa ditlhabololo tse mo ikonoming ya rona le kgaolo ya rona, le go dira dipoelo tse di ka fokotsang ditlamorago tsa teng segolobogolo mo ditheong tse di sa sireletsegang tsa setšhaba.
Se re se itseng ke gore tikologo ya taolo mo nageng ya rona le dipholesi tsa go lekanyetsa kabo ya tse re di amogetseng di re thusitse go thibela kutlwalo e e tseneletseng ya tlalelo.
Fela rotlhe re a itse gore, ka ntlha ya fa re gokagane thata le ikonomi ya lefatshe, go batlega ga diromelwantle go tswa mo go rona go ile tlase; go fitlhelela matlole le lotseno lwa matlotlo go etegetse; go batla dikuno go go kwa tlase go isitse go ntsha dikuno kwa tlase, go tlhola ditiro go amegile ka mokgwa o o sa siamang mme mo ditheong tse dingwe go fokodiwa badiri.
Mathata otlhe a a tla ka paka eo dikelo tsa infoleišene le morokotso di leng kwa godimo.
Fa di kopane, ditlhagiso tse di amile matseno otlhe a re a tlhokang go atolosa go neelana ka ditirelo le go diragatsa diporojeke tsa mafaratlhatlha. Ka jalo, re pateletsegile go fokotsa go tebopele mo go tsa kgolo le go tlhangwa ga ditiro.
Re a itse gore Aforika Borwa ga e a amega thata go tshwana le dinaga tse dingwe tse dintsi. Ee, mo pakeng e ba bangwe ba itemogelang kgotsa ba bonang go ya tlase ga nakwana ga maemo a ikonomi, Aforika Borwa le kontinente yotlhe di sa ntse di itekanetse mo kgolong, le fa e le ka kelo e e bonya.
Mo lebakeng le, Maloko a a Tlotlegang, ke itumeletse go bega gore mo dipuisanong magareng ga Lefapha la Poresitente le baeteledipele ba balekane ba ba farologaneng ba loago, re dumalane ka kopanelo go dira dikgato tse di ka fokotsang maemo a tlhakatlhakano e mo setšhabeng sa rona.
La ntlha, puso e tla tswelela ka diporojeke ditsadiso tsa setšhaba, boleng ba tsone bo oketsegetse go R690-billion mo dingwageng tse trharo tse di tlang. Mo lebakeng le, fa go tlhokegang, re tla bona ditsela tse dingwe tse di botlhale tsa go oketsa matlole.
Se se tla akaretsa tshegetso ka ditheo tsa rona tsa tlhabololo ya matlole le madi a dikadimo go tswa kwa ditheong tsa boditšhabatšhaba, gammogo le semphatho sa setheo sa poraefete le tiriso ya didiriswa tse di laolwang ke badiri jaaka matlole a phenšene.
La bobedi, re tla atolosa mananeo a setheo sa puso a tiro. Ka fa letsogong le lengwe, maano a go atolosa tiro mo ditheong di tshwana le tsa boitekanelo, bodiredi loago, thuto le ditheo tse di netefatsang tiragatso ya melao, a tla tswelela. Ka fa go je lengwe, re tla potlakisa go simolola ga kgato e e latelang ya Lenaneo la le le Atolositsweng la Ditiro tsa Setšhaba.
La boraro, dikgato tsa phokotso di ka tsewa mo setheong sa poraefete go fenya go ya tlase go go feteletseng ga tsadiso le madirelo a a tswetseng go sa tlhokege a dikuno kgotsa dipolante.
Mo karolong e, puso e tla dirisa didiriswa tsa go duelela diintaseteri le ditebogo go thusa go lebana le dikgwetlho mo maphateng a a farologaneng, le go rotloetsa ditheo tsa tlhabololo ya matlole go thusa ditlamo tse di gaeletsweng ka ntlha ya tlalelo.
Dintlha tse dingwe tse di ka dirisiwang di tla sekasekwa, go akaretsa malatsi a maleele a boikhutso, katiso e e atolositsweng, nako e khutshwane le kabelano ya ditiro. Se se tla kopana le thotloetso ya letsholo la Proudly South Africa le kgato e e gagametseng ya diromelwateng tse di seng ka fa molaong.
La bone, puso e tla tsweletsa go nna teng le go atolosa tshenyegelo ya tsa loago, go akaretsa go atolosa go fitlhelela thuso ya tshegetso ya bana go bana ba ba fetang dingwaga tse 18 le go fokotsa dingwaga tsa ba ba tshwanetseng go bona phenšene go dingwaga di le 60 mo banneng.
Fo godimo ga fao, re tla dirisa thata Kabelo ya Namolo ya Tlalelo ya Loago le tshireletso ya dijo tseo di totang ba ba sa sireletsegang go ya ka Letlole la Inšorense ya Botlhokatiro kgotsa ba ba feditseng ditshiamelo tsa bone.
Re tla tswelela go leba thata kgwetlho ya mowa wa go nna kgatlhanong le go gaisana mo dingweng tsa ditlamo. Mo ntlheng e, re rolela hutshe Khomišene ya Dikgaisano mabapi go gagamatsa seatla go netefatsa gore ba ba senyang ba a tshwarwa.
Le gale re solofela fa setšhaba se tla nna matlhagatlhaga go netefatsa gore, magareng ga tse dingwe, fa ditlhwatlhwa tsa dikuno di fokotsega, batho ba bona poelo.
Dikgato tse tsa ka bonako di tla kaelwa ke molawana wa pholesi ya tsa matlole wa go baakanya. Le gale, re tla netefatsa gore maemo otlhe a kadimo ka puso a tlhamaletse e bile a tla tswelela. Se gape se kaya phokotsegoo ya ka bonako ya sekoloto sa puso fa maemo a molato fa maemo a tokafala.
Matsapa a rona a tla kaelwa ke go akgola gore dikgato tsa go sireletsa tikologo le go fokotsa maemo a a maswe a phetogo ya maitshetlego a a ka tlholang go tlhamiwa ga ditiro.
Dikopano tsa G20 le dipuisano tse dingwe tsa ditheo tsa ditšhabadintsi, puso ya rona e kopile go nna ga tseraganyo e e maleba e bile ka bonako mo dinageng tse di tlhabologileng kwa tlalelo e simolotseng teng le kwa e leng kwa godimo. Re dumela gore nako e fitlhile gore re tiise molawana wa selegae le tlhokomelo ya thulaganyo ya tsa matlole; fela go feta fao, tekolo e e maatla le tiragatso mo lefatsheng ka bophara ke sengwe se se ka tilweng le go nna botlhokwa.
Ka keletlhoko, re tshwanetse go sireletsa seriti sa thulaganyo ya kgwebisano, feleletsa ditherisano tsa ga jaana tsa Doha Round tsa ditherisano tsa kgwebisano ya lefatshe, le go netefatsa gore thuso ya tlhabololo ga e ye tlase.
Thuto e e bonagalang mo maitemogelong a ke gore re tlhoka dikamano tse di tiileng magareng ga ba ba nang le seabe mo ikonoming le lefatshe ka bophara, ba seke ba emisa fela bokete ba tlhakatlhakano, mme gape ba dire dikgato tse di ka thibelang go tlhagelela gape ga seo.
Mo nageng ya rona, re tla lebelela dintlha tse jaaka ka karolo ya tsamaiso ya go baya setšhaba sa rona mo kgolong e kgolwane le tsela ya tlhabololo. Boleele ba nako ya go fitlhelela kwa setlhoeng bo ka ne bo oketsegile. Fela ga re belaele gore nako eo e tla e se kgale.
Mo ntlheng e, gore re baya naga ya rona jang mo maemong a go dirisa ditšhono tse di kgethegileng tse di tlileng, e tla nna sa botlhokwa. Mo ke lebisitse segolobogolo Sejana sa Lefatshe sa FIFA 2010 gammogo le Sejana sa Motlhakanelwa mo dikgweding di le mmalwa go tloga jaanong. Diporojeke tsotlhe le maano di feditswe kgotsa di gaufi le go fela - go simolola ka mabala a metshameko, mafaratlhatlha a dipalangwa, dikgato tshireletso, dintlha tsa marobalo, go fitlha ka maamo a tsa boitekanelo le khuduga - go tlhomamisa boitshepo mo go tsa kgwele ya dinao lefatshe ka bophara gore ya rona e tla nna thonamente e e atlegileng ka nnete.
Ebile re dumela gore, fa morago ga go fenya ga tlhano ka tatelano, setlhopha sa bosetšhaba ga jaana se ipaakanyetsa go dira go feta ka moo go ka solofelwang!
Fela go feta moo, se se ka se lebalweng sa nnete ke bokgoni jwa tlhokomelo le botho jo bo mo Aforika Borwa le Aforika - go fetola jaanong ditebo tsa naga ya rona le kontinente magareng ga batho ba lefatshe. Se se tswa mo go rona; mme seo ga se batle tuelo epe!
Gape mo ntlheng e re akgola ditlhopha tsotlhe tsa rona tsa motshameko tse di dirileng sentle mo ngwageng o o fetileng. Re naya setlhopha sa rona sa kerikete kakgolo e e kgethegileng ka ntlha ya go re baya mo mmapeng wa lefatshe.
Re Ditshimega tsa Lefatshe tsa Rugby; Giniel de Villiers le setlhopha sa gagwe ba fentse Dakar Rally; re ipela ka Paralympians tsa rona; mme setlhopha sa rona sa ba ba ka fa tlase ga 20 se dirile sentle mo maemong a kwa godimo a bogaisani.
Mo dibekeng tse pedi tse di fetileng, Aforika Borwa e feditse gammogo le Mali karolo ya diakhaefe go somarela dimusekeripiti tsa bogologolo tsa Timbuktu.
Tshomarelo e kgolo e ya boswa e bontsha fa Aforika e le segaka sa saense le dikwalo, filosofi le tsa kgwebo, e e kgoreleditsweng ke kgwebisano ya bokgoba le tlhakatlhakano mo khumong ya Aforika.
Tlhagiso e e tshwanetse go re rotloetsa go dirisana le dinaga tse dingwe mo kontinenteng ya rona le go feta go tokafatsa maemo a botho.
Ee, mo dingwageng tse 15 tse di fetileng re dirile ka natla go netefatsa gore Aforika e itemogela ntšwhafatso mo go se ka tota e tshwanetseng go nna Ngwagakgolo wa Aforika. Ka kgato ka kgato, kontinente ya rona e e tswelela sentle go ya kwa tsosolosong, mme dikgatlhegelo tsa batho di le kwa godimo mo maikemisetsong a baeteledipele ba bona, a tlhagisa tsholofelo le boitharabologelo ba gagwe mo seraleng sa lefatshe.
Se ke sona fela se se re fileng kgothalo mo go thuseng batho ba kwa Zimbabwe go bona tharabololo ya leruri mo nageng eo. Re eletsa mo lebakeng le go akgola makoko otlhe kwa Zimbabwe go fetsa ditherisano, go tlisa moputso o ka gale o ntseng o le mo menaganong ya batho ba naga eo le karolwana ya kontinente ka kakaretso: ke gore, puso e e tlhomameng e bile e le ka fa molaong e e nang le maikemisetso a go lebana le dikgwetlho tsa batho. Re motlotlo gape ka gore, maabane, Palamente ya Zimbabwe e fetisitse Tlhabololo 19 ya Molaotheo, o o dirang motheo wa go dira puso e e akaretsang.
Ntlha e e kgethegileng mo lebakeng le ke ka ntlha ya motsamaisi wa Southern African Development Community (SADC), Poresitente wa pele Thabo Mbeki le setlhopha se ka natla se thusitseng go fetsa tsamaiso sentle.
Jaanong tiro ya go aga sešwa e ka simolola ka maatla; Aforika Borwa o ipaakanyeditse go thusa fa re ka kgonang. Mo ntlheng e, go tlhokega ka bonako go lebana le tlhakatlhakano ya setho mo nageng eo. Re na le boitshepo ba gore, ka ntlha fa se rata, setšhaba sa boditšhabatšhaba se tla dirisana le batho ba Zimbabwe fa ba simolola tsamaiso e ntšhwa.
Gape re rotloetswa ke gore, se se tshwanetseng le go simolola go emelela tswelelopele ya batho ba Repaboliki ya Temokerasi ya Congo mo tseleng ya bona ya tlhomamo le tswelelopele, tswelelopele eo e ka se thibelwe.
Dikamano tse di dirilweng ga jaana magareng ga boeteledipele ba DRC le Rwanda bo na le tsholofelo ya ditsweletso mo mererong ya tshireletso le mo go lebaneng le tlhakatlhakano e e amang batho; fela, ka tsholofelo, le mabapi puisano ya sepolotiki. Re ntse re le foo, re tla tswelela go dira le dinaga tse dingwe le Kitlano ya Aforika go diragatsa maikaelelo a kwa Burundi, Sudan, Western Sahara, Côte d'Ivoire, Somalia le kwa gongwe.
Jaaka go lemogilwe ka ditlhabololo tse dingwe tse di farologaneng mo dikgweding di le mmalwa tse di fetileng, Aforika Borwa e tla dirisa tshiamelo e go tsamaisa SADC go maatlafatsa setheo sa kgaolo se se maatla se, go totilwe thata go diragatsa ditharabololo tsa Pitsokgolo le go garela tshwaraganyo ya leano la kgaolo.
Gone fao re tla tlhabolola tirisano ya SADC le Common Market of East and Southern Africa (COMESA) le East African Community (EAC). Ditlhagiso se di tla dirwang go atolosa go na le go koafatsa dikamano tse dintsi tse re nang le tsone mo Southern African Customs Union (SACU).
Re eletsa mo go seno sebaka go akgola batho le boeteledipele ba Zambia, Ghana le United States of America mo ditlhopong tse di emetseng go ngotlafala ga melelwane mo dinageng tsa bone.
Ke metlha re tla nna re tlhoka go tiisa ditirisanommogo le dinaga tse le tse dingwe go rotloetsa se se siametseng batho.
Re lesego ka gonne ngwaga o re konesetsa ngwagasome wa ntlha wa dikgokagano tsa sedipolomate le batho ba Repaboliki ya China. Mo dingwageng tse, go tlhageletse sentle gore go na le poelo e e tla bonwang go tswa mo dikamanong.
Gape re rata go tlhomamisa gore boitlamo ba rona mo dikamanong tse di tiileng tse re di dirileng le Brazil le India ka kopano India-Brazil-South Africa (IBSA); le mo dikamong tse tiileng tse naga ya rona e ntseng e di dira le Russia, le dinaga tsa Asia, Middle East, gammogo le Latin le North America.
Mo makgetlhong a le mmalwa re tlhagisitse go tshwenyega ga rona mabapi le go tswelela ga kgotlhang e e kwa Middle East ka kakaretso le kwa Israel le Palestine.
Bophara jwa go swaba ga rona ka ga koketsego ya kgotlhang le dintsho tse dintsintsi, segolobogolo baagi - go akaretsa bana, basadi le bagodi - ga bo na selekanyo.
Ga go na tlhalosa e e ka newang ya ditiro tse di jalo tsa go senya go go feteletseng le polaano. Mme re solofela gore mo nakong eno, matsapa a mašwa a setšhaba sa boditšhabatšhaba go bona tharabololo ya leruri mo kgotlhang e go tla nna mosola, gore ma-Iseraele le ma-Palesetina ba nne le kagiso le tshireletsego jaaka baagisani ba ba mo pusong e e ikemetseng mo melelwaneng.
Kakgolo e e kgethegileng e ya go puso le batho ba Cuba mo ketekong ya dingwaga tse 50 tsa phitlhelelo ya puso ya bone, mme e tsamaya le kgololosego ya go tlhopha tsela ya tlhabololo.
Mo ngwageng o o fetileng re kgonne go konesetsa ditherisano tse dingwe le European Union ka ga dikamano tsa rona tsa maano; mme re solofela gore mowa o o tlhodileng seo o tla rena fa re feleletsa ditherisano tsa ditšhabadintsi mo Ditumalanong tsa Dikamano tsa Ikonomi le dinaga tse di mo kgaolong ya rona.
Re lebile gape go matlafatsa dikamano fa re diragatsa Pitsokgolo ya South Africa -European Union moragonyana monongwaga.
Mmogo le dinaga tse dingwe tsa Borwa, re tla tswelela go batla go aga sešwa Ditšhaba Kopano, International Monetary Fund le ditheo tse dingwe tsa ditšhabadintsi gore di tlhagise bonnete ba lefatshe le le fetogileng le le fetogang le go dira ka mokgwa wa temokerasi, o lekalekana e bile o se bofitlha.
Gape re itlama go fitlhelela maikaelelo a ditumalano tsa boditšhabatšhaba, go akaretsa Porotokolo ya Kyoto le ba ba tlang morago ya yone go bona poelo mo bathong ba rona le batho ba lefatshe.
Go diragatsa dintlha tse go batlega melawana e mebedi e: tlhokego ya rona go fetsa taelo e re e neetsweng ke puso ka 2004; le botlhokwa ba go netefatsa gore puso e e tlang morago ga ditlhopho tse e na le maemo a a siameng go tsenyatirisong manaane a yone kwa ntle ga go diega.
Mo dikgweding di le mmalwa tse di tlang pele ga ditlhopho tsa bosetšhaba le porofense, re tla dira gore re diragatse taelo eo.
go bebofatsa ditsamaiso tse di ikaelelang go matlafatsa dithulaganyo tse di dirang ka mabaka a tekatekano ya bong jaaka kemedi ya 50/50 mo dibopegong tse di tsayang ditshweetso, tlhabololo ya bašwa, ditshwanelo tsa batho ba ba nang le bogole le ditshwanelo tsa bana - go akaretsa go fetsa ditherisano ka ga Pholesi ya Bašwa ya Bosetšhaba, go baakanyetsa go tsenyatirisong ga Tšhata ya Baša ba Aforika fa e setse e fetisitswe ke Palamente, le go dira Setheo sa Tlhabolololo ya Bašwa sa Bosetšhaba; go isa Porotokolo ya SADC ka ga Tlhabololo ya Bong go palamente; go tiisa tshegetso ka ga ditshwanelo tsa batho ba ba nang le bogole, le go kataolosa palo ya bommasepala ba ba tlhamileng Children's Rights Focal Points go feta 60% ya ga jaana.
Tse le manane a mangwe, go akaretsa Dintlha tse di kwa Setlhoeng tse di tlhagisitsweng mo go Pung ya Kemo ya Bosetšhaba ka Tlhakole ngwagola, e dira motheo wa matsapa a rona go feleletsa taolelo e re e filweng go ala motheo wa bokamoso.
Re tla oketsa matsapa a a nang le maikaelelo, tsholofelo le boitharabologelo mo bathong ba Aforika Borwa mo lebakeng le le re siametseng botlhe. Se, e bile e le sa botlhokwa, ke motswedi wa go itshepa fa re re setšhaba se mo maemong a a siameng. Temokerasi ya rona e itekanetse. E gola thata.
Ke a leboga.
<fn>StateoftheNation.2010.2010-05-24.tn.txt</fn>
Dumelang, molweni, goeienaand, good evening, dumelang botlhe ka fa lapeng!
Re itumelela go nna le lona mo maitseboeng ano a a botlhokwa go gaisa.
Ke ema fano fa pele ga lona maitseboeng ano dingwaga di le 20 go tloga motsi Moporesidente Nelson Rolihlahla Mandela a golotsweng mo kgolegelong. Re tlhophile letsatsi leno go epa pitso ya Bonno jwa Motlhakanelwa jwa Palamente, go neela Puo ya Maemo a Setšhaba, gore re keteke motsi wa phetogo ya diragadibonwe e e fetotseng naga ya rona.
Go gololwa ga Mandela go tlhodilwe ke kgaratlho ya go itoma sesino ya baagi ba Aforika Borwa. Bagolegwa ba sepolotiki ba maloba mmogo le bagaka ba ba nang le rona gajaana, ke basupi ba ntlha e ka gobo ba nnile karolo ya tiragalo eo.
Lo tla gakologelwa gore matshutitshuti a naga e, a le mo digongwaneng tse di farologaneng, a ne a tsibogela kgwetlho ya go tlhola botlhokataolego jwa naga mmogo le go fedisiwa ga tlhaolele ka maikaelelo a magolo tota.
Re keteka letsatsi le, re le mmogo le bagolegwa ba sepolotiki ba maloba ba re ba laleditseng ka tsela e e kgethegileng. Re amogela bogolosegolo bagolegwa ba ba maloba ba ba tsereng mosepele go tswa moseja ga mawatle gore ba tle go nna fano Helene Pastoors, Michael Dingake go tswa Botswana, Rre Andimba Toivo ya Toivo wa Swapo kwa Namibia.
Re motlotlo gobo re na le ditokololo tsa setlhopha sa babueledi ba tsheko ya Boepapuso ya Rivonia - Lord Joel Joffe yo gajaana a nnang kwa London, mmogo le Moatlhodi Arthur Chaskalson. Re boa re gakologelwa le go akgola Rre Harry Schwarz, yo ka maswabi a hulereng mo bekeng e e fetileng.
Gareng ga tse dingwe, Rre Schwarz o nnile tokololo ya setlhopha sa babueledi ba Rivonia.
Re isa ditebogo go ditsala le bakaulengwe mo morafeng wa boditšhabatšhaba, gobo ba lole ba bapile le rona gore re fitlhelele kgololesego. Re isa kamogelo e e kgethegileng go balelapa loo Mandela.
Balelapa loo Mandela ba nnile sekai sa boineelo jwa bontsi, jo bo duleng setlhabelo sa kgobelelo ya tlhaolele. Re isa madume go boeteledipele jwa lekoko le le busang mmogo le balekanesemphato. Mo go bona motsi o o o kgethegileng go menagana gabedi.
Mo letsatsing leno le le kgethegileng, re tshwanetse go amogela go tsenya seatla ga boeteledipele jwa National Party, jo kwa bofelong bo lemogileng gore tlhaolele ga e na bokamoso. Ntetleng go bolela seabe se Moporesidente wa maloba PW Botha a nnileng naso. Ke ena a ragositseng puisano ka ga kgonego ya kgololo ya bagolegwa ba sepolotiki. Moporesidente Botha o dirile mmogo le Tona ya Bosiamisi ya Maloba, Rre Kobie Coetzee yo ena a neng a thusiwa ke Ngaka Neil Barnard le Mike Louw. Ba nnile le seabe sa botlhokwa mo go betleng tsela ya kgololesego ya ga Madiba.
Aforika Borwa e sa ntse e tla amogela ka botlalo, seabe sa botlhokwatlhokwa se Moporesidente wa ANC wa maloba Oliver Tambo a nnileng le sone ka go aga motheo o naga eno e duleng sekao se se phatsimang sa kgololesego le temokerasi. Ke boeteledipele jwa gagwe jo bo tlhololo, ponelopele mmogo le pono e e edileng, tse di tataisitseng ANC gore e nonotshe motlhala wa tumalano ka dipuisano.
Botlhale jwa gagwe bo itshupile gape mo Tlhomamisong ya Harare, e a e kwadileng le go e tswerefatsa. Se ke sona se tlhomileng motheo wa dikitsiso tsa hisetori ka Moporesidente FW de Klerk, dingwaga di le 20 tse di hulereng.
Ka dikitsiso tse, Moporesidente de Klerk o supile bopelokgale mmogo le boeteledipele jo bo edileng. Mo letsatsing le legolo leno, nte ke amogele le seabe se se tserweng ke moswi Mme Helen Suzman.
Mo pakeng e telele, Helen Suzman o nnile ntsweesi mo Palamenteng, a goa phetogo.
Re amogela le seabe sa moeteledipele wa Inkatha Freedom Party, Kgosi Mangosuthu Buthelezi, yo le ena a goileng kgololesego ya ga Madiba mmogo le ya bagolegwa ba sepolotiki ba bangwe, a bo a goa le poelogae ya batshediswamelelwane.
Re gatelela tebogo ya rona ya botswapelo go morafe wa boditšhabatšhaba malebana le tshegetso ya bona e e tlhomameng mo kgaratlhong ya rona. Metsotso e etsa eno mo hisetoring ya rona e supa bokgoni jwa rona jwa go tshwaragana, le mo maemong a a bokete go gaisa, ka maikaelelo a go eteletsa dikgatlhegelo tsa naga pele, go gaisa dikgatlhegelo tsotlhe tse dingwe.
Fa re dirisana re ka fitlhelela go le gontsintsi.
Mo tsamaong ya ngwaga o, re tla tshwaya ngwaga wa ngwagakgolo wa tlhomo ya Kitlano ya Aforika Borwa e e tlhomilweng ka 1910.
Se se tlhamile naga e e kopaneng. Se se lemogiwang ke gore go tlhotlhololwa ga bantsho mo Kopanong e, e nnile lebakalegolo la go tlhomiwa ga African National Congress ka 1912.
Fa re tshwaya ngwagakgolo o, moragonyana monongwaga, re tshwanetse go leba gore naga ya rona e tsamaile sekgala se le kae go tloga ka 1912.
"Ke ema fa pele ga lona, e seng jaaka moporofeta, mme e le jaaka motlhanka wa lona, batho, wa boikokobetso. Go sa lape go ineela ga lona, ka bogaka, go nkgontshitse go nna fa, mo tsatsing jeno. Ka jalo ke baa dingwaga tse di setseng tsa botshelo jwa me mo diatleng tsa lona".
Mafoko a a re rotloetsa gore re se ka ra bo ra ikhutsa go fitlhela re fitlhelela ditlhologelelo tsa morafe o o gololesegileng mo lehumeng le kiletso.
Mo dingwagasomeng di le pedi tsa kgololesego ya ga Madiba, motheo wa naga ya rona o fetogile.
Moporesidente Mandela o tshwaragantse naga e malebana le phitlhelelo ya demokerasi le tswelelopele e e se nang kgethololo ya bong kana semorafe. Jaaka re keteka kgololesego ya ga Madiba gompieno, a re itlameng sešwa go aga bokamoso jo bo botoka go maAforika Borwa otlhe, bantsho le basweu. A re tebeleng tlhologelelo e Madiba a e lwetseng botshelo jwa gagwe jotlhe, tlhologelelo ya morafe wa demokerasi o o gololesegileng fao batho ba botlhe ba tshelang mmogo ka kagiso mme ba na le tšhono e e lekanang.
Re epile pitso ya bonno jwa motlhakanelwa ya maitseboa gore bontsi jwa batho mo nageng, badiri mmogo le bana ba sekolo, bo kgone go nna karolo ya motsi ono.
Re kgatlhilwe ke matlhagatlhaga a bašwa malebana le motsi o.
Bana ba le makgolopedi masomethataro thataro go tswa diporofenseng tsotlhe, ba tsere karolo mo dikganetsanong tsa ketelela Maemo a Setšhaba, malebana le seabe sa bašwa mo ntweng kgatlhanong le lehuma.
Re akgola mofenyikakaretso, Charlotte le Fleur wa Sekolosegolwane sa Worcester, mmogo le batsaakarolo botlhe ka matsapa a bona.
Re kopane fano mo lemoragong la maemo a tlalelo ya ikonomi ya lefatshe. Mo ngwageng o o fetileng, re itemogetse kwelotlase ya ntlha mo dingwageng di le 17. Kwelotlase e, e jetse ikonomi ya rona ditiro di ka nna 900 000. Bontsi jo bo latlhegetsweng ke ditiro e nnile batlamelalapa mo malapeng a bahumanegi.
Ka Tlhakole ngogola baemedi ba puso, bagwebi, badiri mmogo le baagi ba dumalane ka dikgato tsa go fokotsa kelo le maatla a tlalelo. Re diragaditse dikgato tse. Re diragaditse tirisomadi ya puso e e kgatlhanong le kwelotlase, bogolosegolo mo dipopotheong. Go bebofaletsa bokobodikhutshwane, re atolositse Madi a tlamelo ya bana go akaretsa bana ba ba fetang dingwaga di le 14. Mo dingwageng di le tharo tse di latelang, palo e e okeditsweng ka dimilione di le pedi ya bana go tswa malapeng a batlhoki bana ba dingwaga di le 15 go ya go 18 e tla ungwa go tswa go Maditlamelo a bana.
Setlamo sa Tlhabololo ya Madirelo se beetse kwa thoko R6 bilione go thusa ditlamo tse di khidiegileng. Puso e itsisitse "sekema sa katiso" go neela badiri tlhotšho ya nako ya go katisiwa go na le go rodisiwa tiro. Maiteko a, a atlaretswe ke Lenaneo la rona la Ditiro tsa Setšhaba.
Setšhaba se tla gakologelwa gore ka nako ya Puo ya Maemo a Setšhaba ya 2009, ke itsisitse gore Lenaneo le le Atolositsweng la Ditiro tsa Setšhaba le tla tlhola tšhono ya ditiro di le 500 000 pele Sedimonthole wa 2009 a khutla.
Tseno ke ditšhono tsa ditiro tse di tlholwang go neela batho ba ba sa direng, lotseno, maitemogelo a tiro mmogo le tšhono ya go katisiwa.
Re motlotlo go itsise gore fa Sedimonthole a khutla, ke fa re tlhodile ditšhono tsa ditiro tsa setšhaba di le 480 000, e bong 97% ya ntlhatebo e re neng re e totile. Ditiro, tse di mo mefameng e e jaaka kago, tlhokomelo ya fa gae le ya morafe, mmogo le diporojeke tsa tikologo.
Re lemogile dikarolo tse di tlhokang tokafatso, tse re tla di tlhokomelang fa re ntse re gatela pele, go akarediwa netefatso ya diporojeke tse di tlhokang diatla tsa badiri, bogolosegolo. Re a itse gore dikgato tse mmogo le tse dingwe di ka se timole bogale jwa sephetho sa kwelotlase. Re motlotlo ka mowa wa lelapa, wa morafe, le wa boithaopi, o o rotloetsang bontsi jwa batho go thusa ba ba amilweng ke tlalelo, mo nakong eno e boima.
Ditshupo tsa ikonomi di tlhagisa gore gajaana re a retologa. Maemo a ikonomi a a tlhatloga mo Aforika Borwa, mme re solofetse kgolo go tloga fa go ya pele. Dipalopalo tsa bodiri tse di golotsweng ka Labobedi di supa gore ikonomi gajaana e tlhola ditiro go gaisa go di fedisa. Le gale, go sa le gale go netefatsa lebelo la tharabologelo.
Ka jalo, puso ga e ye go gogela tshegetso ya yona morago. Gajaana ke nako ya go ala motheo wa kgolo e e tiileng fa re ya pele, kgolo e e tlhamang ditiro tse dingwe. Lenaneo la rona la ditirelo la pakatelele le tla re thusa go gola ka lebelo. Mananeo a rona a thuto le bokgoni a tla oketsa kumo le bogaisani.
Leanotiro la Pholisi ya Bodiredi mmogo le tebontšhwa ya ditiro tse dišwa, di tla aga madirelo a a maatla le a a ngokang badiri. Mananeo a rona a tlhabololo ya magae a tla tokafatsa kumo ya selegae mmogo le matshelo a batho ba ba tshelang mo mafelong a magae. Motheo wa mananeo a rona a tsosoloso le kgodiso ya ikonomi ke mananeo a peeletso ya madi.
Mo dingwageng tse tharo tse di tlang, puso e tla dirisa R846 bilione malebana le dipopotheo tsa setšhaba. Mo go tsa dipalangwa, re tla tshola le go godisa mafaratlhatlha a ditsela. Re tla netefatsa gore mafaratlhatlha a rona a diporo a a ikanyega, a kgona go gaisana, e bile a nyalana le go golagana botoka le boemelakepe. Go netefatsa kabo ya maatlamotlakase e e ikanyegang, re tlhomile Komiti ya ditona ya Maatlamotlakase, go re kgontsha go tlhama thulaganokgolagano ya dingwaga di le 20.
Gareng ga tse dingwe, thulagano e, e ya go leba botsayakarolo jwa batsweletsi ba maatlamotlakase ba ba ikemetseng ka bosi, mmogo le go sireletsa batlhoki kgatlhanong le tlhotlhwa ya motlakase e e tlhatlogang.
Re ya go tlhoma botsamaisi jo bo ikemetseng, jo bo sa golaganang le Eskom Holdings.
Eskom e tla tswelela go aga mothamo o o okeditsweng wa maatla, le go tokafatsa tlamelo ya diteišene tsa yona tsa maatlamotlakase. Re tlhamile Lekgotlakgakololo la Matlafatso e e Atolositsweng ya Ikonomi ya go tlhomamisa thotloetso ya ikonomi e e akaretsang botlhe. Modulasetilo wa Lekgotla le ke Moporesidente wa naga. Tebo e e tshwanetseng go potlakelwa ya phetogo ya pholesi e tshwanetse go nna botsereganyi ka maikaelelo a go tlhola ditiro tsa bašwa. Kelo ya botlhokatiro mo bašweng e kwa godimo ga palogare.
Go ya go begwa ditshikhinyo tsa go etleetsa tlhotlhwa ya go thapa badiri ba bašwa. Se se tla rotloetsa madirelo go thapa badiri ba ba se nang maitemogelo. Katoloso e nngwe ya mananeo a go thapiwa ga setšhaba e mo tseleng. Se se akaretsa madirelo a selegae, diporojeke tsa maano a boraro, diporojeke tsa puisokwalo, tlhokomelo ya fa gae, tlhokomelo ya dikolo le kgodiso kgolo ya bana go tswa kwa bonnyeng.
Mo ngwageng o o fetileng re kgakotse Mokgatlho wa Bosetshaba wa Tlhabololo ya Bašwa. Re kaetse setheo se go potlakisa tlhamo ya makala a sona naga ka bophara gore se kgone go re thusa go tsenya mananeo a tlhabololo ya bašwa o moseleng o o maleba mo pusong.
Fa botsamaiso joo bo tsena tirong ngogola, re itlamile go dira ka natla gore re age naga e e nonofileng ya tlhabololo. Re rile naga e, e ya go tsibogela ditlhokwa le ditlhologelo tsa batho, mme e ya go nna naga e e dirang botoka, e ntse e direla ka lobelo lo lo okeditsweng. Ngwaga ono, 2010, e ya go nna ngwaga wa go dira.
Ponagalo e e itlhaolang ya botsamaisi jono e ya go nna gore bo itse gore batho ba tshela kae, bo tlhaloganya ditlhokwa tsa batho mme bo tsibogela ditlhokwa tse, ka lobelo lo lo okeditsweng. Puso e tshwanetse go dira ka lobelo lo lo okeditsweng, ka natla go gaisa mme e le ka manontlhotlho.
Re lebeletse gore Khuduthamaga le Bodiredipuso bo inaakanye le maitlhomo a. Re aga naga e e sokegetseng mo go direng le go diragatseng, mme re dira jaana ka go tokafatsa thulaganyo mmogo le kelotlhoko ya tiragatso le tlhatlhobo. Re tlhoka le go nyalanya maiteko a tekatekanyo ya bong le Lenaneo la Tiro la Puso. Tiro e e tla netefatsa gore basadi, bašwa le digole ba fitlhelela tšhono ya tlhabololo.
Re motlotlo go itsise tsela e ntšhwa ya go dira dilo mo pusong.
Tiro ya mafapha e tla lekanyetswa ka dipoelo tse di tlhamilweng go ya ka thulaganyo kelotlhoko ya tiragatso le tlhatlhobo. Ditona tse di rweleng maikarabelo a poelo e e rileng, di tla saena tumalano ya tiragatso e e tletseng, le Moporesidente. Tumalano e, e tla tlhalosa se se tshwanetseng go dirwa, gore se dirwa jang, ke mang, mo pakeng e e kae, go dirisiwa tekanyetso le didirisiwa dife.
Thuto, boitekanelo, tlhabololo ya metsemagae le bonno jwa batho, go tlhama ditiro tse di eletsegang, le go lwantsha bosenyi. Go tlaleletsa fa, re tla dira ka natla go tokafatsa boleng jwa pusoselegae, tlhabololo ya dipopotheo lebonno jwa batho. Re ya go dira ditiro di le mmalwa go fitlhelela dipoelo tse.
Re beile thuto le tlhabololo ya bokgoni jaaka pinagare ya dipholesi tsa puso. Mo lenaneong la rona la 2010, re eletsa go tokafatsa bokgoni jwa bana ba rona jwa go buisa, go kwala le go bala mo dingwageng tsa kgato ya motheo. Fa re sa dire se, re ka se ka ra tokafatsa boleng jwa thuto. Dintlhanaikaelelo tsa rona ka ga thuto di bonolo, le gale di botlhokwa. Re batla baithuti le barutabana ba nne kwa sekolong, mo phaposing, ka nako, ba ithuta le go ruta, diura di le supa ka letsatsi.
Re tla thusa barutabana ka go ba neela dithulaganyotiro tse di tletseng, tsa letsatsi le letsatsi. Go baithuti, re tla ba abela dibukatiro tse di ka dirisiwang bonolo, ka dipuo tsotlhe tse 11. Go simolola monogwaga go ya pele, baithuti botlhe ba dikereite 3, 6 le 9 ba tla kwala diteko tsa puisokwalo le thutapalo tse di tla lekanyediwang ke balekanyetsi ba ba ikemetseng. Re ikaelela go oketsa kelo ya phalolo ya diteko tse go tloga palogareng ya gajaana ya 35% le 40% go ya go bonnye, 60% ka 2014. Dipholo di tla romelelwa batsadi gore ba sale morago tswelelopele ya bana.
Go tlaleletsa fa, sekolo sengwe le sengwe sa tse 27 000 se tla tlhatlhojwa ke batlhankedi go tswa Lefapheng la Thuto ya Motheo. Se se tla kwalwa mo rekotong ya pegelo e e kwadilweng e e ka runwang. Re ikaelela go oketsa palo ya baithuti ba materiki ba ba ka kgonang go amogelwa kwa diyunibesithing go ya go 175 000 ka ngwaga ka 2014.
Re rotloetsa batsadi go dirisana le rona go netefatsa katlego se. Re itumelela pego ya kgwedi e e fetileng ka mekgatlho e meraro ya barutisi; NAPTOSA, SADTU le SAOU, foo ba neng ba boeletsa boitlamo jwa bona malebana le Kgoeletso ya Boleng jo bo kwa godimo jwa go Ithuta le go Ruta go simolola ka 2010.
Re tlhoka go beeletsa mo bašweng go tlhomamisa gore re nna le mophato wa badiri o o nang le bokgoni jwa go tshegetsa kgolo le tlholego ya ditiro. Ka jalo, re rulaganyetsa go oketsa le go godisa katiso ya bašwa ba dingwaga di le 16-25 malebana le ditirelo tsa thuto le katiso e e tswelelang. Se, se tla re kgontsha go neela baithuti ba ba sa lekanelang yunibesithi, tšhono ya go rutega.
Re dira mmogo le ditheo tsa thuto e kgolwane go netefatsa gore baithuti ba ba nang le tshwanelo ya go amogelwa, ba bona thuso ya madi, ka mosele wa Sekema sa Setšhaba sa Thuso ya Matlole sa Baithuti. Re beile dintlhaphitlhelelo tsa maemogodimo tsa tlhabololo ya bokgoni, go oketsa palo ya baenjenere le bategeniki, le go oketsa palo ya barutabana ba ba nonofileng ba Mmetse mmogo le Bonetetshi. Re tshwanetse ra oketsa le palo ya bašwa ba ba tsenelang dithutela tirong mo maphateng a poraefete mmogo le a puso.
Poelo nngwe ya botlhokwa ke go netefatsa botshelo jo boleele jwa boitekanelo gomMaAforika Borwa otlhe.
Re tla tswelela go tokafatsa thulaganyo ya rona ya tlhokomelo ya boitekanelo. Se se akaretsa kago le tlhabololo ya dikokelo le ditleliniki, mmogo le tokafatso ya maemo a tiro a badiri ba tlhokomelo ya boitekanelo.
Re utlwanetse bolekane le Bankatlhabololo ya Borwa jwa Aforika, malebana le go tokafatsa bodiredi jwa dikokelo tsa puso mmogo le dikantoro tsa dikgaolo. Re bile re dirisana le Bankatlhabololo ya Aforika Borwa (DBSA) mmogo le Koporasi ya Tsweletso ya Madirelo. Tirisano ya rona e ka mananeo a motlhakanelwa a puso-poraefete, go tlhabolola dikokelo le go aba matlole go diporojeke.
Re lebanwe ke go itebaganya le bonnete jwa gore boleelebotshelo go tswa pelegong, bo fokotsegile go tswa go di ngwaga di le 60 ka 1994 go ya go dingwaga di le ka fa tlasenyana ga 50 gajaana. Ka jalo, re tshwaragane le go tsereganya go fokotsa kelo ya dintsho tse di tlholwang ke pelegi, go fokotsa phetetso ya HIV mmogo le go alafa HIV le lohuba.
Re ya go fokotsa dintsho tsa masea ka tiriso ya mananeo a a kwenneng a moento. Re ya go busa mananeo a tsa boitekanelo kwa dikolong. Re ya go diragatsa maitlamo otlhe a a tserweng ka letsatsi la lefatshe la AIDS, maitlamo a a amanang le mekgwa e mešwa ya thibelo le kalafo ya HIV. Re tshwaragane le tiro e e makitla go netefatsa gore tiro e, e diragala mo nakong e e utlwanetsweng. Re tla tswelela le ka paakanyetso ya go tlhomiwa ga thulaganyo ya puso ya inšorense ya bosetšhaba ya boitekanelo.
Re dira ka natla go netefatsa gore mongwe le mongwe mo Aforika Borwa o ikutlwa a babalesegile le gore o babalesegile. Re ya go tsweletsa tiro ya rona go fokotsa bokebekwa jo bogolo, le go netefatsa gore thulaganyo ya bosiamisi e dira ka tolamo. Re tsenya tirisong dithulaganyo tsa go oketsa palo ya mapodisi ka 10% mo dingwageng tse tharo tse di latelang.
Re lemogile le go tlhaola jaaka ditlapele, ntwa kgatlhanong le go thopiwa ka dikgoka, thukutho ya mafelokgwebo le matlo, mmogo le bonokwane bo tshwana le polao, petelelo le kgobatso. Rotlhe re tshwanetse go nna le seabe. A re tseeng karolo mo ditheong tsa pabalesego tsa motse. A re leseng go reka dithoto tsa bogodu. A ka gale re nne re ipaakanyeditse go neela mapodisi tshedimosetso ka ga bosenyi.
Pusoselegae e tshwanetse go dira. Bommasepala ba tshwanetse go tokafatsa thebolo ya matlo, metsi, kgeleloleswe, motlakase, taolo ya matlakala le ditsela. Re tsene pitso le bommeiyara le balaodi ba mmasepala ngogola. Pitso e e re neetse tshedimosetso e e boteng malebana le dikgwetlho tse di fitlhelwang mo pusoselegaeng.
Re bile re etetse merafe le bommasepala ba ba farologaneng, go akarediwa Balfour kwa Mpumalanga mmogo le Thembisa kwa Gauteng. Morago ga ketelo ya Balfour re rometse setlhopha sa ditona di le robongwe go etela kgaolo e ya Balfour go mekamekana le dintlha tse di tlhagisitsweng ke baagi. Dintlha dingwe di setse di tsibogetswe. Ke laetse ditona go tlhokomela dintlha tse di saletseng morago. Re gatelela gore ga go dingongorego dipe tse di fiwang jaaka lebaka la borukhutlhi le tshenyo ya dithoto.
Re laetse badiredi ba semolao gore ba gagamatse ditomo mo botlhokataolong jwa kwa Balfour le dikarolo tse dingwe. Ka Sedimonthole 2009, Kabinete e atlanegisitse togamaano ya semenogane ya pusoselegae. Se se tla netefatsa gore pusoselegae e na le bolaodi jo bo maleba mmogo le bokgoni jwa tsamaiso le setegeniki.
Mo ngwageng ono wa tiro, a re direng mmogo go netefatsa gore kwa bofelong, pusoselegae e nna tiro ya rona rotlhe.
Re tshwaragane le go tlhabolola mekhukhu mmogo le go tlhoma ditirelo tse di tlhamatsegang go bonnye jwa malapa a le 500 000 ka 2014. Re rulaganya go beela thoko dihekethara di feta 6 000 tsa naga ya puso e e mo felong go isegang, go aga matlo a a tlhwatlwa tlase.
Maitlhomomagolo a mašwa e ya go akaretsa batho ba lotseno lwa bona lo leng kwa godimo foo lo ba rontshang go amogela ketleetso ya puso, le gale lotseno lo lo le kwa tlase ga kelo ya go bona ketleetso ya dibanka. Re ya go tlhoma ketleetso ya R1 bilione go tlhotlha dibanka tsa poraefete mmogo le lekala la matlo go aga dikumo go tlhokomela kgwetlho e ya matlo.
Bakaulengwe, mo ngwageng o o fetileng re rile baagi ba metsemagae le bona ba na le tshwanelo ya go nna le motlakase, metsi, matlwana a metsi mmogo le ditsela. Ra re ba tshwanetse go nna le ditikwatikwe tsa metshameko gammogo le tsa marekelo jaaka kwa ditoropong.
Malebana le se, re itsisitse Ketelelafelo ya Lenaneo Tlhabololo Kakaretso la Magae kwa Giyani, Limpopo, ka Phatwe ngogola. Go tloga motsi o, go agilwe matlo a le 231. Go nnile le tswelopele mo neelong ya ditirelo go tshegetsa tlhabololo ya tsa temo, mmogo le katiso ya ditokololo tsa morafe.
Phitlhelelo ya ditirelo tsa boitekanelo le thuto e tokafetse. Re diragatsa mananeo a mofuta o mo mafelong a le supa mo nageng. Mananeo a a tla tswela mosola dikgaolotlhopho di le 21. Fa 2014 o rogwa, re ikaelela go nna le mafelo mo dikgaolotlhophong di le 160. Re eletsa gore 60% ya malapa mo mafelong a e kgone go fitlhelela ditlhokego tsa bona tsa dijo go tswa dikumong tsaabo ka ngwaga wa 2014.
Kgato ka kgato re tla bo re fitlhe jaaka seane se re bakaulengwe, dilo tse kgolo di simolola ka dikgato tse dinnye.
Re lebanwe gape ke go nyalana mananeo tshegetso a tlhabololo ya naga mmogo le temo. Mo karolong e katlego ya rona e tla lekanyetswa ka koketsego ya palo ya balemipotlana ba ba nnang balemibagolo.
Naga ya rona ga e a huma ka metsi. Le fa go le jalo, re latlhegelwa ke metsi a le mantsi ka ntata ya dipeipe tse di dutlang le dipopotheo tse di sa lekanelang. Re ya go bopa maano a go fokotsa tatlhegelo ya metsi ka seripa fa 2014 a rogwa.
Jaaka karolo ya maiteko a rona a go rotloetsa kgolo ya ikonomi, re dira ka natla go fokotsa ditshenyegelo tsa tlhaeletsano. Morafe wa Aforika Borwa o ka solofela phokotso ya kelo ya tlhotlhwa ya go dirisa mogala wa selefounu, wa fa gae mmogo le wa botlhe. Re ya go dira ka natla go oketsa lebelo la kgolagano, ka maikaelelo a go netefatsa maemogodimo a tirelo ya ditirelo tsa inthanete, re inaakantse le moono wa boditšhabatšhaba.
MaAforika Borwa a gaetsho, puso e ya go netefatsa gore dithoto tsa rona tsa tikologo mmogo le madirelo a tlhago di a tlhokomelwa le go atlarelwa ka gale. Re akgetse go bonala malebana le Tumallano e e amogetsweng kwa Pitsokgolong ya Phetogo ya Tlelaemete ya Copenhagen ka Sedimonthole ngogola, re na le dinaga tsa Brazil, India le China, mmogo le United States e e neng e emetse dinaga tse di tlhabologileng.
Le fa tumallano e e sa fitlha fa re neng re solofetse, e nnile kgato ya botlhokwa ka gobo e bofa dinaga tsotlhe go tsibogela phetogo ya tlelaemete. Re ya go dira ka natla go gaisa mmogo le balekane ba rona ba boditšhabatšhaba malebana le maitlamo a semolao. Mo Aforika Borwa re itlametse ntlhaphitlhelelo ya phokotsotsweletso e e rileng mme re ya go tswelela go dira ka natla malebana le maano a rona a tsereganyo ya phetogo ya leruri ya tlelaemete.
Re ya go nonotsha maitlhomo a go godisa dikgatlhegelo tsa Aforika Borwa mo lefatsheng ka bophara. Re tla tshegetsa maiteko a go oketsa lebelo la go nyalanya dinaga tsa SADC malebana le polotiki le ikonomi, mmogo le go rotloetsa kgwebo le peeletso magareng a dinaga tse. Aforika Borwa e tswelela go nna moeteledipele mo maitekong a go natlafatsa Kitlano ya Aforika mmogo le makala a yona go direla kopano. Re ya go tsepamisa maatla mo tsosolosong ya Semphatho se se Ntšhwa sa Tlhabololo ya Aforika jaaka maano a tlhabololo ya ikonomi ya kontinente.
Bodiredipuso bo tshwanela ke go tsibogela kgoeletso e go dira gore paka e e nne ya tiro e e potlakileng le go tokafatsa tiragatso ya puso. Re lebeletse manontlhotlho le go dira ka natla. Re tlhoka badiredipuso ba ba ineetseng, ba ba kgonang mme barekegela ditlhokwa tsa baagi. Puso e setse e dira ka tlhabololo le go tsenya tirisong mananeo a tlhabololo ya badiredi puso a a yang go ala motheo wa badiredi puso mo mefameng yotlhe.
Re tsweletsa maiteko a rona a go fedisa bomenemene le botsietsi mo tsamaisong ya dithendara mmogo le mo dikopong tsa makwalokgweetso, madi a tlamelo a puso le makwalo ikitsiso gareng ga tse dingwe. Re motlotlo ka tema e puso e e beileng mo dikarolong dingwe. Mo bekeng e, re khutlisitse tuelo ya madi a tlamelo a puso a bomenemene go batho ba le 32 687. Madi a a lekanyetswa go dimilione di le R180. Komiti ya rona ya ditona, e e lebileng bomenemene, e sekaseka tsela ya leruri ya go fenya bomenemene. Fa re dirisana re ka fitlhelela go le gontsintsi.
Jaaka lo lemogile, re itsisitse Mogala o o Kgethegileng wa Moporesidente gore puso mmogo le Kantoro ya Moporesidente di fitlhelelwe bonolo ke setšhaba le go thibolola thebolelo ya ditirelo. Mogala o o kgethegileng ke sekai sa maikaelelo a rona a go dira dilo ka tsela e e farologaneng mo pusong. Se se tlhodile phetogo mo matshelong a bontsi jwa baagi ba Aforika Borwa.
Re ka bolela ka leina Mohumagadi Buziwe Ngaleka wa kwa Mount Frere yo o nnileng motho wa ntlha go letsetsa mogala o a ngongorega ka tsamaiso ya phenšene ya moswi mogatse. Mme Ngaleka o teng fa mo maitseboeng ano.
Re na gape fano le Rre Nkululeko Cele, yo o neng a thusega go bona lekwalo ikitsiso le le mo kgontshitseng go ikwadisa kwa Yunibesithing ya Tshwane ya Thekenoloji.
Tse ke dikanelo di le pedi fela, gareng ga bontsi jwa dikanelo tse di supileng katlego. Go tswa dikaong tse mmogo le tse dingwe re lemoga makoa a a tshwanetseng go baakangwa ke mefama e e farologaneng ya puso.
Ka tiriso ya mmusakgotla re laleditse boemedi jwa makokomantsi go tswa Palamenteng go etela lefelo la mogala o gore ditokololo tsa Palamente di itemogele bogolo jwa tiro e e dirwang koo.
Ke tlhalositse dintlhakgolo tsa thulaganyo ya rona ya 2010 e bong maitlamo a rona a motlhakanelwa jaaka puso go baagi ba Aforika Bowa. Puo ya Maemo a Setšhaba a neela tebokakaretso ya thulaganyo ya rona ya tiro. Ditona di tla neela diteng ka nako ya tsona ya puo ya Boutu ya Tekanyetso.
MaAforika Borwa a gaetsho, ka kgwedi ya Ngwanatsele monongwaga re tla bo re keteka dingwaga di le 150 go tloga motsi wa kgorogo ya Maintia mo Aforika Borwa. Se se re neela tšhono ya go lemoga seabe sa botlhokwa sa morafe wa Maintia mo dikarolong tsa bodiri, kgwebo, bonetetshi, metshameko, tumedi, botsweretshi, setso le katlego mmogo le tiiseletso ya demokerasi ya rona.
Nte ke dirise tšhono eno go boa ke isa matshediso a rona go tswa botennye jwa pelo go Puso mmogo le baagi ba Haiti ka masetlapelo a dira-ga-di-bonwe a a ba wetseng. Re motlotlo gobo ditlhopha tsa rona tsa pholoso di kgonne go ya go thusa.
Ke rata mo nakong eno go lemoga le go amogela Moaforika yo ka gale a sa itsapeng go thusa mo dinakong tsa matlhotlhapelo a tshwana le a. Moaforika yo o thusa go godisa maitlhomo a morafe o o tlhokomelang. Re amogela fano mo ntlung e Ngaka Imtiaz Sooliman wa Gift of the Givers.
Go nna bengae ba Sejana sa Lefatshe sa FIFA go dira gore 2010 e nne ngwaga wa tiro ga mmannete. Re feditse dingwaga re rulaganyetsa Sejana se sa Lefatshe. Re setse fela ka dikgwedi di le tharo. Re itomile sesino gore sejana se se atlege. Dipopotheo, tshireletso mmogo le dintsanantsana tsa paakanyetso di rulagantswe go netefatsa katlego ya metshameko e ya kgwele dinao. Morafe otlhe o isa malebogo a boikokobetso go Komiti ya Dithulaganyo ya Selegae ka matsapa a bona. Re eleletsa masego Modulasetulo wa Komiti e, Irvin Khoza, Motlhankedimogolo Danny Jordaan mmogo le mokatisi wa Bafana Bafana Carlos Alberto Parreira mo dikgweding di le mmalwa tse di tlang.
Moporesidente Nelson Mandela o nnile pinagare mo go tshegetseng naga e go nna le tšhono ya go nna mongae wa tiragalo e kgolo e. Ka jalo re tshwanetse go netefatsa gore Sejana se sa lefatshe se atlega thata go tlotlomatsa Nelson Mandela. Bakaulengwe a re nneng mowa mongwe go ema setlhopha sa naga Bafana Bafana nokeng. Nna ke mongwe wa ba ba dumelang gore Bafana Bafana ba tla gakgamatsa bontsi. Sa botlhokwa: tshola thekethe seatleng. A rotlhe re rekeng dithekethe tsa go bogela metshameko go sa le gale.
Jaaka re keteka kgololesego ya ga Madiba mo tsatsing je, re boeletsa maitlamo a rona malebana le poelano, kitlano ya setšhaba, go tlhoka kgethololo semorafe mmogo le go aga bokamoso jo bo botoka re le mmogo jaaka maAforika Borwa, bantsho le basweu.
"Mo nakong ya botshelo jwa me ke ineeletse go kgaratlhela batho ba Aforika. Ke lole kgatlhanong le kgobelelo ka basweu, ke bile ke lole kgatlhanong le kgobelelo ka bantsho. Ke tsweletse go eletsa le go kgatlhegela maitlhomo a morafe o o gololesegileng, wa demokerasi, foo batho botlhe ba tshelang mmogo ka kagiso, e bile ba na le tšhono e e lekanang. Se ke keletso e ke solofelang go e tshelela, le go e fitlhelela. Le gale, fa go tlhokega jalo, ke keletso e nka se itsapeng go e swela".
Ke itshetletse le go rotloetswa ke mogaka wa rona Madiba, Ke ikutlwa motlotlo go abela Puo e ya Maemo a Setšhaba ya 2010 go bagaka le bagakagadi botlhe ba rona, ba ba tumileng le ba ba sa tumang, ba ba itsiweng le ba ba sa itsiweng. Nte re direng mmogo go dira ngwaga o wa tiro, ngwaga o o atlegileng mo nageng ya rona.
Ke a leboga.
<fn>StateoftheNationJZuma.2009.2010-05-24.tn.txt</fn>
Ka 22 Moranang, MaAforika Borwa a le dimilione tse dintsi a ne a ya go bouta. A diragaditse tshwanelo ya ona ya setemokerasi, a rotloediwa ke keletso ya go fetola matshelo a bona go nna a a botoka.
Ka dipalopalo tse di thibang letsatsi, a netefaditse gore go dira mmogo, re ka kgona go lwantsha lehuma le go aga matshelo a a botoka go botlhe. A ne a rotloediwa ke pono ya setšhaba se se kopaneng, Aforika Borwa e e leng ya rona rotlhe, setšhaba se se kopaneng e ntse e le sa mefutafuta, batho ba ba dirang mmogo gore botlhe ba bone mosola.
Re motlotlo ka ntlha ya taelo e e totobetseng e ya batlhophi, e re e filweng ke batho ba naga ya rona, ba ba tlhophileng puso ya bona ka tsela e e senang pelaelo epe.
Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng, setšhaba sa rona se tsamaile mo dinakong tse di thata tota. Re lebogela ntlha ya gore re na le mokgwa wa temokerasi ya molaotheo e e maatla e bile e dira ka botlalo, e e nang le ditheo tse di tiileng, mokgwa o o dirileng gore re fenye mathata a ka thelelo le ka seriti.
Tiragalo ya gompieno ke keteko ya se se dirang gore temokerasi e, e dire. Gape ke keteko ya setso sa rona sa tsweletso le maikarabelo a motlhakanelwa.
Se se pakiwa ke go nna teng ga ga mogaka wa rona Madiba, yo o adileng maitshetlego a diphitlhelelo tsa naga, gammogo le Moporesitente wa maloba Thabo Mbeki, yo o ageletseng mo maitshetlegong ao. Tsweletso eo gape e pakiwa ke ntlha ya gore Moporesitente wa maloba Kgalema Motlanthe ga jaana ke Motlatsa Moporesitente wa Rephaboliki, morago ga kgabaganyo e e bobebe, ntlha e e dira gore re nne naga ya botshwanaesi ka mekgwa e e farologaneng.
Jaaka lo ka tswa lo itse, ntwa kgatlhanong le lehuma e sala go nna motheo wa tsepamo ya puso ya rona.
Re ka se ikhutse, e bile re seka ra bo ra fapoga, mo phisegelong ya rona ya go fedisa lehuma.
Fa re tswelela go batla go fitlhelela tse, puso e supile dikarolo tse 10 tse di botlhokwa go gaisa, tse di leng karolo ya Letlhomeso la Togamaano la Sebaka sa Bogareng la rona la 2010 go fitlha go 2014.
Lenaneo le ga jaana le tlhagisiwa ka nako ya maemo a ikonomi a a thata.
Ngwaga o o fetileng o bone ikonomi ya lefatshe e tsena mo pakeng ya mathata a a seng kana ka sepe mo dingwagasomeng di le mmalwa tse di fetileng.
Le fa Aforika Borwa e sa amiwa ka selekano seo dinaga di le mmalwa di amilweng ka sona, ditlamorago tsa ikonomi e e kwa tlase ga jaana di bonagala sentle mo ikonoming ya rona. Re tsene mo kwelotlaseng. Go botlhokwa jaanong go feta pele gore re dire ka tshwaragano mo lenaneong le le tshwanang go tsibogela tlalelo e.
Go tsibogela mathata a ikonomi a boditšhabatšhaba, re simolola ka letlhomeso la Aforika Borwa le le konoseditsweng ke puso, ba merero ya badiri gammogo le ba merero ya kgwebo ka Tlhakole monongwaga. Re tshwanetse go diragatsa jaanong go fokotsa maatla a kwelotlase e mo go ba ba bokoa go gaisa.
Re setse re simolotse go fokotsa tatlhegelo ya ditiro. Go na le tumelano e e utlwanetsweng magareng ga puso le balekane ba tsa loago ka ga go tlhagisa katiso ya badiri pele ba tlogedisiwa tiro. Badiri ba ba lebaganweng ke go latlhegelwa ke ditiro ka ntlha ya mathata a ikonomi, ba tla nna mo ditirong tsa bona mo sebakeng se se rileng gore ba katisiwe gape. Dipuisano ka ga dintlha tsa mekgwa ya go ka dira se di tsweletse magareng ga balekane ba tsa loago le ditheo tse di tla angwang ke itshimololelo e e jalo, go akaretsa Bothati jwa Lekala la Thuto le Katiso.
Re tla tshegetsa tiro ya Khomišene ya Thuanyo, Tsereganyo le Katlholelo (CCMA) go thusa bathapi le badiri go batla ditsela tse dingwe mo boemong jwa go amoga batho ditiro, re latela tiragatso ya semolao e e maleba. Go fitlha ga jaana, bakhomišenara ba CCMA ba bolokile ditiro tse 4 000 ka go tsereganya, gammogo le go tlamela ka kgakololo le tshegetso e e tsweletseng go badiri ba ba amogilweng ditiro.
Koporasi ya Tlhabololo ya Madirelo e tlhabolotse lenaneo la go thusa ditlamo tse di mo kotsing ka matlole. Gape re tlile go netefatsa gore puso e reka dilwana le ditirelo tse dintsi fa gae, ntle le go nyatsa go gaisana ga rona ga boditšhabatšhaba mo mebarakeng kgotsa go kgarameletsa ditlhwatlhwa kwa bogodimong jo bo sa amogelesegeng.
Fa re agelela mo ditsereganyong tsa dikatlego tsa rona tsa pholisi ya madirelo, e e tlhatlositsweng e tla tlhabololwa. Ditheo tse di eteletseng pele tse di setseng di supilwe ke tsa dirori , dikhemikhale, go dira ka tshipi, bojanala, diaparo le matsela, gammogo le dikgwa. Go tlaleletsa, go tla lejwa gape ditirelo, go dira le go aga mabone magareng ga tse dingwe, mo phisegelong ya go tlhola ditiro tse di eletsegang.
Jaaka karolo ya Legato la 2 la Lenaneo la Ditiro tsa Setšhaba le le Atolositsweng (EPWP), gammogo le Lenaneo la Ditiro tsa Baagi a tla potlakisiwa. E tlamela ka legato le le kwa tlasetlase la tiro e e tlwaelegileng go ba ba e tlhokang, fa e ntse e tokafatsa boleng jwa maemo a botshelo mo baaging.
Kwelotlase ya ikonomi e tla ama lobelo leo naga ya rona e kgonang go itshamaganyang ka lona le dikgwetlho tsa loago le ikonomi tse e lebaganeng le tsona. Fela, e ka se fetole tsela ya tlhabololo ya rona. Ditlapele tsa dipholisi tse re di supileng, gammogo le manane a re a beileng fa pele ga batlhophi, a sala go nna pinagare ya lenaneo la puso e.
Go tsamaelana le mowa wa baagi ba Aforika Borwa, a re tshwaraganeng ka diatla go batla ditharabololo mmogo. Nako e gorogile gore re dire ka thata. Puso ya rona e tla leba kwa pele, e seng kwa morago! Dikgato tse di tlhagisitsweng mo go Letlhomeso la Togamaano la Sebaka sa Bogareng la rona di ne di tshwanetse go tsaya tsia dikganelo tse di tlisiwang ke mathata a ikonomi. Kwelotlase ga e a tshwanela go baka gore re fetole manane a. Tota a tshwanetse go re rotloetsa go tsenya manane a tirisong ka lobelo le maikemisetso. Letlhomeso le itebaganya le ditlapele tse 10.
Re itlama gore go dira mmogo, re tla potlakisa kgolo gammogo le go fetola ikonomi gore e tlhole tiro e e amogelesegang le matshelo a a tshwarelelang.
Re tla tlhagisa lenaneo le legolo thata go aga mafaratlhatlha a ikonomi le loago.
Re tla tlhabolola le go tsenya tirisong malepa a tlhabololo ya metseselegae a a tletseng e bile a golagane le lefatshe gammogo le ntšhafatso ya tsa temothuo le tshireletsego ya dijo. Re tla maatlafatsa bogolo jwa bokgoni le jwa badiri.
Re tla tokafatsa seemo sa pholo sa maAforika Borwa otlhe.
Ka go dira mmogo le maAforika Borwa otlhe, re tla maatlafatsa ntwa kgatlhanong le bosenyi le bobodu. Re tla aga baagi ba ba tshwaraganeng, ba tlhokomelana e bile go itshedisa ga bona e le go go tla tshwarelelang. Ka go dirisana le Aforika le lefatshe lotlhe, re tla latela tswelelopele ya Aforika gammogo le tirisanommogo ya boditšhabatšhaba e e tiileng.
Re tla netefatsa gore go nna le taolo le tiriso ya ditlabakelo tse di tshwarelelang. E bile, ka go dirisana mmogo le batho e bile re tshegeditswe ke badiri ba puso, re tla aga naga e e tlhabologang, re tla tokafatsa ditirelo tsa puso le go maatlafatsa ditheo tsa temokerasi.
Ke tlotla mo go nna go tlhagisa dintlha tse di botlhokwa tsa lenaneo la tiro. Go tlhola tiro e e amogelesegang go tla nna kwa bogareng jwa dipholisi tsa rona tsa ikonomi e bile go tla susumetsa ngokelo ya peeletso ya rona gammogo le diitshimololelo tsa go tlhola ditiro. Go tsamaelana le maitlamo a rona, re tshwanetse go gatela pele go rotloetsa ikonomi e e akaretsang.
Mo mabakeng a, re tla dirisa ditheo tsa mmuso jaaka go bona, go rebolelwa laesense le tshegetso ya matlole go thusa dikgwebopotlana le tsa bogareng, gammogo le go rotloetsa go tsenya tirisong dipholisi tsa Maatlafatso ya Bantsho mo Ikonoming e e Bulegileng le dipholesi tsa tolamisokemo.
Go tsenngwa tirisong go tla dirwa go lebeletswe go itse tlhokego ya go baakanya go sa lekalekaneng ga maloba. Diphetogo di tla dirwa go tshegetsa bomme, bašwa, gammogo le batho digole. Re tla fokotsa mokgoleo o o mo dikgwebong tse di potlana. Ntlha ya go kgorelediwa ke melawana e tlhagisitswe makgetlhonyana ke setheo.
Mo tsereganyong e nngwe go tlhola maemo a a letlang dipeeletso, puso e tla gatela pele go ya kwa mokgweng wa kwadiso ya kwebo o o kopaneng o le mongwe. Se se tla tokafatsa tirelo ya badirisi le go fokotsa tlhwatlhwa ya go dira kgwebo mo Aforika Borwa.
Ntlha e nngwe e e botlhokwa mo phisegelong ya rona go tlhola ditšhono ke Lenaneo le le Atolositsweng la Ditiro tsa Puso. Maitlhomo a kwa tshimologong a go tlhola ditiro tse milione o le mongwe a setse a fitlheletswe. Legato la bobedi le ikaeletse go tlhola ditšhono tsa ditiro di ka nna tse di dimilione tse nne ka 2014.
Magareng ga jaanong le Sedimothole wa 2009, re ikaeletse go tlhola ditšhono tsa ditiro tse di ka nnang tse 500 000. Fa re ntse re tlhola maemo a go tlhola ditiro le ditšhono tsa kgwebo, puso e a lemoga gore baagi ba bangwe ba tla tswelela go tlhoka thuso ya katlatleloloago ya mmuso. Madi a katlatleloloago a sala go nna tsela e e matsetseleko go gaisa go fokotsa lehuma. Go fitlha ka 31 Mopitlwe 2009, batho ba feta dimilione tse 13 ba amogetse madi a katlatleloloago, mme ba le dimilione tse 8 go tswa mo palong e ke bana.
Re a lemoga gore go a tlhokega go golaganya madi a katlatleloloago le ditiro kgotsa botsayakarolo mo ikonoming gore se se rotloetse go kgona go itlamela ka nosi ga batho ba ba nang le mebele e e nonofileng. Se se botlhokwa go gaisa mo pakeng e, baagisani ba tshwanetse go thusana.
Jaanong ke nako ya kopano. A re thusaneng jaaka baagisani. A re dumalaneng gore go se nne le ngwana ope yo o tla robalang ka tlala gonne batsadi ba gagwe ba latlhegetswe ke tiro.
Baeng ba tlotlo, Jaaka karolo ya setlapele sa togamaano sa bobedi, re tla tswelela pele ka lenaneo la rona go aga mafaratlhatlha a ikonomi le loago.
Setlhopha sa Tlhabololo ya Mafaratlhatlha sa puso se se sa tswang go tlhamiwa se tla netefatsa gore, R787 billion e e beetsweng thoko mo tekanyetsokabong pelenyana mo ngwageng o gore madi a a dirisiwe mo mafatlhatlheng, e dirisiwa go ya ka fa go neng go rulagantswe ka teng.
Matlole a a akaretsa go beela thoko madi a lenaneo la go aga dikolo, dipalangwa tsa botlhe go akaretsa thulaganyo e e potlakileng ya go feta ga dibese, matlo, metsi le kgeleloleswe.
Nngwe ya diporojeke tse dikgolo mo go beeletseng mo mafaratlhatlheng ke Sejana sa Lefatshe sa Kgwele ya Dinao sa FIFA sa 2010. Jaaka puso le setšhaba ka kakaretso, re itlamile gore Sejana sa Lefatshe se tla tlogela motlhala o montle o bana ba rona le baagi ba rona ba tla ungwang mosola mo dingwageng tse dintsintsi tse di tlang.
Re mo tseleng e e siameng go diragatsa tsotlhe tse re tshwanetseng go dira e bile re ikaeletse go naya lefatshe Sejana sa Lefatshe se se gaisang go gaisa. Re baya tshotlhe ka mananeo go dira gore Sejana sa Motlhakanelwa se se simololang ka 14 Seetebosigo, se bone katlego e kgolo thata.
Ka Moranang monongwaga, ke tlhagiseditse boeteledipele jwa madirelo a ditekesi gore bo sutisetse kwa pele dipuisano tse di ka ga go dira ga Thulaganyo e e Golaganeng e e Potlakileng ya go Feta ga Dibese go nako e e kwa morago ga ditlhopho.
Re itlamile go letla nako e e oketsegileng go leba sentle matshwenyego a madirelo. Ka 11 Seetebosigo, Tona ya Dipalangwa o tla tsweletsa dipuisano le madirelo.
Kopano e tla thankgolola metseletsele ya dipuisano le batsayakarolo ba ba tla amiwang ke mokgwa wa BRT. Re na le tsholofelo ya gore dintlha tse di sa rarabololwang di tla lejwa gore matlhakore otlhe a tle a kgotsofale. Se se tla akaretsa ntlha e e botlhokwa ya gore batsayakarolo ba tla ungwa mosola jang mo mokgweng o.
Kgatelopele e nngwe e e tshwanetseng go tiisa Sejana sa Lefatshe ke mafaratlhatlha a kgaso a dijithale gammogo le phetiso le phatlalatso ya ditemosi. Ka kakaretso, re tla netefatsa gore ditshenyegelo tsa tlhaeletsano di a fokodiwa ka tiriso ya diporojeke tse di tsweletseng go atolosa bogolo jwa kgokaganod.
Re tshwanetse go netefatsa gore ga re tlogele dikgaolo tsa metseselegae kwa morago mo ditlhabologong tse di itumedisang tse. Jaaka karolo ya tlhabololo ya mafaratlhatlha a loago, re tla tlamela ka matlo a a mo mafelong a a siameng e bile a le tlhwatlhwa e e kgonegang gammogo le bonno jwa batho jo bo eletsegang.
Re tla gatela pele ka tlhaloganyo ya gore bonno jwa batho ga se fela ka ga go aga matlo. Ke ka ga go fetola ditoropokgolo le ditoropo tsa rona le go aga setšhaba se se kitlaneng, tshwarelelang le go tlhokomelana, se se nang le phitlhelelo e e gaufi go didirisiwa tsa loago tse di akaretsang tsa metshameko le boitapoloso.
Go tsamaelana le mowa o, re tla dirisana le Palamente go itlhaganedisa go fetisa Molaotlhomo wa Bolaodi jwa Tiriso ya Lefatshe. Ka go dirisana le batho ba rona kwa dikgaolong tsa metseselegae, re tla netefatsa gore malepa a tlhabololo ya metseselegae a a feletseng a golaganngwa le ntšhafatso ya tsa temothuo gammogo le tshireletsego ya dijo, se e le setlapele sa rona sa boraro.
Ke rata go tsaya tšhono e go isa matshediso a rona go ba lelapa la Motlatsatona wa Temothuo, Dirk du Toit, yo o tlhokofetseng mo bekeng e. Go nna le seabe ga gagwe go tlile go tlhoafalelwa tota.
Batho ba ba nnang kwa dikgaolong tsa metseselegae le bona ba na le tshwanelo ya go bona motlakase le metsi, matlwana-boithusetso a a pudutsiwang, ditsela, ditikwatikwe tsa boitapoloso le metshameko, gammogo le ditikwatikwe tsa marekelo tse di botoka fela jaaka tse di kwa ditoropokgolong. Le bona ba na le tshwanelo ya go thusiwa mo temothuong gore ba tle ba kgone go jala merogo le tse dingwe; gammogo le go nna le leruo gore ba kgone go iphepa.
Re ipaakanyeditse go simolola letsholo la go aga mafaratlhatlha kwa dikgaolong tsa metseselegae. Fa re dirisana le baagi, dikgosi, bakhanselara le dikgosana, re tla kgona go potlakisa tiro e. Re rotloetsa batho ba ba nnang kwa dikgaolong tsa metseselegae go simolola go ka re bolelela gore ke dilo dife tse ba di tlhokang ka bonako.
Le fa re amogetse thuto e e tlhokegang go tswa kwa diitshimololelong tsa tlhabololo ya metseselegae tse di fetileng, re tlhophile Masepala wa Kgaolo wa Giyani o Mogolwane kwa Limpopo jaaka diporojeke tsa go ithuta tsa ntlha mo letsholong le. Go tswa mo diporojekeng tse, go tla tlhagelela dithuto tse di ka ithutiwang ke naga ka bophara.
Go tlaleletsa se, re tla dira ntšhwafatso e e tsepameng ya ditoropo tsa metseselegae ka tiriso ya matlole a a tshwanang le lenaneo la Tlamelo ya Tlhabololo ya Baagasanyi . Ka tsela e, dikgaolo tse di dikologileng ditoropo tse di tla ungwa mosola mo kgolong ya ikonomi. Ka ditsereganyo tsotlhe tse, re tlile go fetola selebo sa dikgaolo tsa metseselegae mo nageng ya rona.
Thuto e tlile go nna setlapele mo dingwageng tse tlhano tse di tlang. Re batla gore barutabana, baithuti le batsadi ba rona ba dirisane le puso go fetola dikolo tsa rona go nna ditikwatikwe tsa botswerere. Lenaneo la Kgolo ya Bana go tswa Bonnyeng le tla tokafadiwa, ka maikaelelo a go netefatsa gore go nna le phitlhelelo e e anameng go Kereiti ya R, le go atisa gabedi ga palo ya bana ba dingwaga tse 0-4 ka ngwaga wa 2014.
Re boeletsa dilo tse di ka se buisanelweng. Barutabana ba tshwanetse go nna kwa sekolong, ka nako, ba ruta, e bile ba sa itlhokomolose tiro ya bona gammogo le go sa sotlake baithuti. Bana ba tshwanetse go nna kwa diphaposing, ka nako, ba ithuta, ba tlotla barutabana ba bona le baithuti-ka-bona, gammogo le go dira tirogae.
Go tokafatsa bolaodi jwa sekolo, katiso e e rulaganeng e tla nna tlhokego-pele go tlhatlosa barutabana mo tirong go nna bagokgo kgotsa ditlhogo tsa mafapha. Ke tla kopana le bagokgo ba dikolo go abelana le bona pono ya rona mo go ntšhwafatseng mokgwa wa thuto ya rona.
Re tla oketsa matsapa a rona go rotloetsa baithuti botlhe go fetsa dithuto tsa bona tsa sekontari. Maikaelelo ke go oketsa kelo ya ikwadiso kwa dikolong tsa sekontari go fitlha go 95% ka 2014. Gape re lebeletse ditsela tse di matswatswa tsa go busetsa kwa sekolong baithuti ba ba tlogetseng sekolo, le go ba tlamela ka tshegetso.
Maloko a a Tlotlegang, re tshwenyegile thata ka ga dipegelo tse di reng go na le barutabana ba ba sotlang bana ka thobalano, bogolosegolo basetsana.
Re tla netefatsa gore Dikaedi ka ga Tshotlako ya Thobalano le Dikgoka mo dikolong tsa botlhe di phasaladiwa tota, e bile baithuti le barutabana ba itse diteng tsa tsona le go di obamela. Re tla tsaya dikgato tse di masisi e bile di romela molaetsa o o totobetseng kgatlhanong le barutabana ba ba sa diriseng dithata tsa bona le maatla ka fa tshwanelong ka go tsena mo thobalanong le bana.
Go rotloetsa thuto ya nako e telele, lenaneo la Thuto le Katiso ya Motheo ya Bagodi la Kha ri Gude le tla maatlafadiwa.
Re tshwanetse go netefatsa gore diitshimololelo tsa katiso le tlhabololo ya bokgoni mo nageng di tsibogela ditlhokego tsa ikonomi. Setheo sa Thuto le Katiso e e Tswelelang ka dikholetšhe tse 50 le dikhemphase tse 160 tsa sona naga ka bophara e tla nna ditikwatikwe tsa motheo tsa katiso ya tlhabololo ya bokgoni.
Re tla tokafatsa phitlhelelo go thuto e kgolwane ya bana ba ba tswang kwa malapeng a a sa itsholelang le go netefatsa mokgwa wa tlamelo ka matlole o o tshwarelelang kwa diyunibesithing.
Re tshwenyegile tota ka ga go wela tlase ga boleng jwa tlamelo ya pholo, e e gakadiwang ke tlhatlogo e e golang mo mokgweleong wa malwetse mo ngwagasomeng le halofo o o fetileng. Re ipeetse diphitlhelelo tsa go fokotsa go sa lekalekaneng mo tlamelong ya pholo, go tiisa nonofo ya badiri, go tlhabolola sešwa maokelo le ditleleniki gammogo le go oketsa lobelo lwa go lwantsha leroborobo la HIV le AIDS, bolwetse jwa mafatlha le malwetse a mangwe.
Re tshwanetse go dira mmogo go tokafatsa go tsenngwa tirisong ga Leano le le Feletseng la Kalafi, Tsamaiso le Tlhokomelo ya HIV le AIDS gore re tle re fokotse kelo ya ditshwaetsego tse dintšhwa tsa HIV ka 50% ka ngwaga wa 2011. Re batla go fitlhelela 80% ya kalafi ya ARV ka ona ngwaga wa 2011. Re tla tlhagisa sekema sa Inšorense ya Pholo ya Bosetšhaba ka tsela ya magato a a oketsegang. Gore re simolole sekema se, ntšhwafatso ya ka bonako ya maokelo a botlhe e tla dirwa ka Tirisano ya ditheo tsa Setšhaba le tsa Poraefete.
Gape re tla tsepamisa maikutlo ka bonako mo mererong ya dituelo tsa badiri ba seporofešenale ba tsa pholo go tlosa dipelaelo mo ditirelong tsa rona tsa pholo. Fa re dira mmogo, a re direng go le gontsi go rotloetsa tlamelo ya pholo e e nang le boleng, go tsamaelana le Maikaelelo a Tlhabololo a Mileniamoa Ditšhabakopano gore re tle re fokotse lehuma ka halofo ka 2014.
Mmogo re tshwanetse go dira go le gontsi go lwantsha bosenyi. Maikaelelo a rona ke go tlhama mokgwa wa bosiamisi jwa bosenyi o o ntšhwafatseng, o o kopaneng, wa segompieno, o oe nang le ditlabakelo tse di maleba, e bile o laolwa sentle.
Gape go botlhokwa thata go tokafatsa bokgoni jwa dikgotlatshekelo tsa rona gammogo le tiro ya batšhotšhisi, le go tiisa ditirelo tsa batlhotlhomisi, forensiki le tsa matlhale. Tiro e e setse e simolotse ka matlhagatlhaga, e bile e tla dirwa ka maatla le tšhakgalo e ntšhwa.
Magareng ga tse re batlang go di fitlhelela fela ka gangwe ke go netefatsa gore re tlhatlosa palo ya batšhotšhisi le badiri ba Boto ya Thuso ya Semolao. Re tla dira se gape mo batlhotlhomising ba sepodisi. Re fetotse leina la Lefapha la Tshireletsego le Pabalesego le le maleba go nna la Sepodisi go gatelela gore re batla maatla a tiragatso a nnete mo tirong ya sepodisi. Se se tla lebisa kwa go fokotsegeng ga bosenyi jo bo masisi le jwa tiriso-dikgoka ka 7% go fitlha go 10% e re e lebeletseng ka ngwaga. Tsepamiso ya maikutlo e e masisi gape e tla fiwa go thibela bosenyi jo bo rulaganeng, gammogo le bosenyi kgatlhanong le bomme le bana.
Le fa re itumelela peeletso ya setheo sa poraefete mo madirelong a pabalesego, re tla tokafatsa melawana e e tsamaisang madirelo a. Magareng ga diitshimololelo tse di botlhokwa, re tla simolola legato la go tlhoma Tirelo ya Bolaodi jwa Melelwane; re tla maatlafatsa matsapa a rona kgatlhanong le bosenyi jwa tiriso ya thekenoloji le go utswa boitshupo, gammogo le go tokafatsa mekgwa e e mo dikgolegelong tsa rona go fokotsa bosenyi jo bo dirwang ke bao ba neng ba kile ba golegwa.
Ke rata go totobatsa tshegetso ya rona mo ntšhwafatsong e e tsweletseng ya boatlhodi. Ntšhwafatso e tshwanetse go itebaganya le dintlha tse di botlhokwa tse di jaaka tiiso ya go ikemela ga boatlhodi, go tlhoma mekgwa ya ka fa teng ya go ikarabela ga boatlhodi, gammogo le go netefatsa phitlhelelo e e tletseng go bosiamisi ka botlhe.
Katlego ya mokgwa wa setemokerasi ka botlalo e ikaegile mo dikamanong tse dintle tsa go tlotlana le mowa wa tirisanommogo magareng ga Khuduthamaga, Kgotlapeomolao, le Boatlhodi. Se se botlhokwa thata mo temokerasing ya rona ya molaotheo.
Re tlhalositse gangwe le gape ka ga maitlamo a rona a go lwantsha bobodu mo tirelong ya setšhaba. Re tla tsepamisa maikutlo mo go kgethegileng go thibela bobodu le tsietso mo tsamaisong ya go bona le go rebolelwa dithentara, go dira kopo ya laesense ya go kgweetsa, madi a katlatleloago, makwaloitshupo, gammogo le go utswiwa ga didokete tsa sepodisi.
Tla ke gatelele gore rotlhe re na le karolo e re tshwanetseng go e tshameka mo ntweng e kgatlhanong le bosenyi. Re tshwanetse go nna matlhagatlhaga mo Diforamong tsa Sepodisi sa Baagi. Re tshwanetse go emisa go reka dilwana tse di utswitsweng, tse di rotloetsang bosenyi. Re tshwanetse go bega bosenyi le go thusa sepodisi ka tshedimosetso e e tla dirang gore ba ba molato ba tshwarwe. Ka tsela e, re tla ya kwa pele go nna setšhaba se se senang bosenyi.
Maloko a a Tlotlegang, Fa e sale ka 1994, re ntse re batla go aga setšhaba se se kopaneng e bile se kitlane fa re leba kwa re tswang teng koo re neng re arogane. Re gwetlhilwe go tsweletsa pele maikaelelo a a go rotloetsa kopano mo go nneng ba mefutafuta gammogo le go tlhabolola mekgwa ya boitshwaro o o aroganang, o o ikaegileng ka mowa wa tshwaragano ya baagi gammogo le setšhaba se se tlhokomelang.
Mekgwa ya boitshwaro ya rona e re e abelanang e tshwanetse go re rotloetsa go nna baagi ba ba matlhagatlhaga mo go ntšhwafatseng naga ya rona. Re tshwanetse go aga boitshupo jwa bosetšhaba le go rata naga ya rona go go tshwanang.
Re tshwanetse go tlhabolola go kgomarela go go tshwanang go naga ya rona, Molaotheo wa rona, gammogo le matshwao a bosetšhaba. Go tsamaela le mowa o, re tla rotloetsa Pina ya Bosetšhaba le folaga ya naga ya rona gammogo le matshwao a mangwe a bosetšhaba.
Bana ba rona, go simolola kwa dingwageng tse di kwa tlase, ba tshwanetse go rutiwa go ikobela Molaotheo le matshwao a naga, le go itse gore go kaya eng go nna moagi wa Aforika Borwa. Re tla netefatsa gore go nna le molebowa bosetšhaba o o tshwanangmo go fetolweng ga maina a mafelo le a mangwe. Se se tshwanetse go tlamela ka tšhono ya go akaretsa maAforika Borwa otlhe mo go tlhameng boitshupo jwa bosetšhaba jo bo akaretsang, gore re tle re oketse go tlhaloganya ga rona hisetori le ngwao ya rona.
Metshameko ke sedirisiwa se se maatla go aga naga. Fa re dira mmogo, re tshwanetse go tshegetsa ditlhopha tsa bosetšhaba go simolola ka Bafana Bafana go fitlha go di-Proteas le di-Springboks; go simolola ka Banyana Banyana go fitlha go di-Paralympians. Ditlhopha tsa rona di ka dira sentle fa re di tshegetsa. Ntetleng go tsaya tšhono e go akgola ditlhopha tsa rona tsa bosetšhaba ka ntlha ya tshameko ya tsona mo bekeng e e fetileng; tota di atlegile ka boraro.
Setlhopha sa naga sa bolotloa ya bomme se re dirile motlotlo ka go fenya Kgaisano ya Bolotloa ya Dinaga tse Tharo. Re akgola setlhopha sa Sevens Springboks se se nnileng Ditshimega tsa IRB Sevens World Series - e bile ga re lebale setlhopha sa Blue Bulls se se fentseng makgaolakgang a Super 14 ka tsela e e kgotsofatsang tota!
Re tsaya tšhono e go eleletsa setlhopha sa di-Springboks mo motseletseleng o o tlang kgatlhanong le setlhopha sa British and Irish Lions.
Go totobetse gore re tlhola go beeletsa ka bontsi mo tlhabololong ya metshameko. Re tla itlhagenedisa go tsosolosa metshameko ya kwa dikolong le go netefatsa gore e nna karolo ya kharikhulamo ya dikolo. Go tlaleletsa, re tla netefatsa gore tlamelo ya dilwana tsa metshameko mo dikgaolong tse di tlhokang e nna sengwe se tla tlang pele.
Re itlamile mo dingwageng tse di fetileng go tsenya letsogo mo go ageng Aforika e e botoka le lefatshe le le botoka.
Maikaelelo a magolo a puso sebaka sa bogareng ke go netefatsa dikamano tsa rona le dinaga disele di tsenya letsogo mo go tlholeng maemo a a siametseng kgolo ya ikonomi le tlhabololo tse di tshwarelelang. Ka go rialo, re tla tswelela pele go baya kontinente ya Aforika kwa pele ka go maatlafatsa Kitlano ya Aforika le ditheo tsa yona, gammogo le go baya tsepamo e e kgethegileng mo go Semphathong se se Ntšhwa sa Tlhabololo ya Aforika.
Se le sona se leng botlhokwa, e bile se le gaufi le fa gae, ke go maatlafatsa kopano ya kgaolo ka go leba thata mo go tokafatseng kopano ya sepolotiki le ikonomi mo go SADC, go leba diphitlhelelo tsa AU tsa go tlhama puso e e Kopaneng. Re tla tlhama Mokgatlho wa Semphatho sa Tlhabololo ya Aforika Borwa go rotloetsa dikamano tsa tlhabololo le dinaga tse dingwe mo kontinenteng.
Aforika Borwa e tla tswelela go thusa mo kagosešweng le tlhabololo ya kontinente ya Aforika, bogolosegolo kwa dikgaolong tse di kileng tsa nna le dikgotlhang. Re tla tswelela go rotloetsa tumalano ya kagiso e e tshwarelelang magareng ga dinaga tsa Iseraele le Palesetina gore go nne tharabololo ya dinaga tse pedi tse di bapileng. Re tla tshegetsa matsapa a kagiso a AU le a Ditšhabakopano mo kontinenteng ya Aforika, go akaretsa le Saharawi Arab Republic le Darfur kwa Sudan.
Jaaka Modulasetilo wa SADC le Moruanyi, re tla tsaya karolo mo go rotloetseng puso e e kopaneng go fitlha go tshwarwa ditlhopho tse di gololosegileng e bile di sa gobelele kwa Zimbabwe. Seemo sa botshelo sa batho ba kwa Zimbabwe se nnile le tshutshumetso e e sa nnang sentle mo kgaolong ya SADC, bogolosegolo mo Aforika Borwa. Re dira boikuelo mo dinageng tse di ratang kagiso mo lefatsheng go tshegetsa puso e e kopaneng go fitlhelela tsosoloso ya ikonomi. Re tla tshegetsa matsapa a kgaolo ya SADC go rarabolola mathata a a kwa Madagascar.
Ntetleng, baeng ba tlotlo go akgola Sesole sa Bosetšhaba sa Aforika Borwa ka ntlha ya tiro ya bona e e matsetseleko ya go aga kagiso mo kontinenteng.
Ka tirisano le ditheo tsa kontinente le tsa kgaolo, re tla dira thata go tlhoma tsamaiso ya temokerasi gammogo le go tlotla ditshwanelo tsa botho mo kontinenteng ya Aforika.
Re tla tsenya letsogo mo go maatlafatseng dikamano tsa Borwa-le-Borwa gammogo le go latela ditumalano tse di tswelang matlhakore ka bobedi mosola le dinaga tse di botlhokwa tsa Borwa. Re tla tswelela go tiisa dikamano le dinaga tse di tlhabologileng tsa kwa Bokone, go akaretsa le mokgatlho wa G8, gammogo le tshwaragano ya rona ya togamaano le Kitlano ya Yuropa . Re tla tswelela go tshameka karolo e e matlhagatlhaga go netefatsa go akarediwa ga tikologo ya dipuisano tsa Tlhabololo ya WTO Doha.
Aforika Borwa, e leng naga e e omileng, e tlhoka kgato ya ka bonako go samagana le diphetogo tsa tikologo tse di sa eletsegeng gammogo le go netefatsa tlamelo ya metsi go baagi. Magareng ga mananeo a le mmalwa, re tla tsenya tirisong togamaano ya Metsi a Kgolo le Tlhabololo, e e tla maatlafatsang bolaodi jwa metsi. Re tla tswelela go tokafatsa bokgoni jwa eneji ya rona le go ikaega ka eneji e e kgonang go ntšhwafadiwa.
Naga e e tlhabologang e tlhoka tokafalo ya ditirelo tsa puso le maatlafalo ya ditheo tsa temokerasi. Re tlhomile Mafapha a le mabedi mo kantorong ya Moporesidente go maatlafatsa go rulaganya ga togamaano le go leba le go sekaseka tiro e e dirilweng. Go netefatsa gore tiro e tla dirwa jaaka re itlamile, re tla dira gore Ditona tsa Kabinete di nne le boikarabelo ka go tlhoma ditlabakelo tsa tiro e e dirilweng, re dirisa maikaelelo le tekanyetso ya ditlamorago, go simolola ka Phukwi.
Gape ra tla akaretsa Ditheo tsa Ditlamo tse e leng tsa Puso gammogo le tsa Tlhabololo ya Matlole mo ditiregong tsa go rulaganya tsa puso le go tokafatsa go leba le go sekaseka go tlhola go dira ga tsona.
Go netefatsa gore maphata otlhe ka boraro - a selegae, porofense le bosetšhaba - a tokafatsa tlamelo ya ditirelo, re tla itlhagenedisa go tlhoma Tirelo ya Bosetšhaba e le nosi. Tsamaiso e tla gatelela gore batho ba tle pele mo tlamelong ya ditirelo. Re tla netefatsa tirelo e e tsayang maikutlo a batho tsia e bile e rulagane sentle go simolola kwa badiring ba ba nnang kwa khaontareng mo tlamelong ya ditirelo mo mafapheng otlhe a puso. Mo pakeng e ya ntšhwafatso, re tla gatela pele go ya kwa pusong e e akaratsang botsayakarolo.
Gore go tsewe motlhala mo go rona, tiro e setse e simolotse go tlhoma nonofo ya thuanyo ya botlhe mo kantorong ya Moporesidente. Go tlaleletsa mo go amogeleng makwalo le diemeilil go tswa kwa bathong, gape re tla tlhoma mogala wa tshoganyetso go dira gore phitlhelelo e nne bonolo. Badiri ba tla tsibogela potso nngwe le nngwe jaaka e kete ke yona e le nosi fela; go e sala morago gotlhe kwa e yang teng go fitlha e bona tsibogo e e e tshwanetseng.
Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Tlhabololo ya Bašwa, o o tlhamilweng morago ga go tshwaragana ga Letlole la Bašwa la Umsobomvu le Khomišene ya Bosetšhaba ya Bašwa e tla tlhomiwa ka 16 Seetebosigo kwa Ekurhuleni. Ditheo tse di tshwaraganngwa go tiisa tirelo le ditšhono tsa tlhabololo tse di tlamelwang go bašwa. Mokgatlho o, o tla golaganya barutegi ba bannye ba sa sa direng le ditšhono tsa ikonomi, go maatlafatsa matsapa a go atolosa Lenaneo la Tirelo ya Bašwa la Bosetšhaba le go tshegetsa bagwebi ba bannye.
Kgwedi e e tlang Madiba wa rona yo o rategang o tshwara dingwaga tse 91. Batho go ralala lefatshe ba santse ba tsweletse go goeletsa go nna teng ga gagwe le gore a rarabolole mathata a bona. Boitshwaro jwa gagwe le sekao sa gagwe sa boineelo go tirelo ya botho ke sekao se se galelelang gompieno mo lefatsheng le le nang le mathata. Letsholo la boditšhabatšhaba le simolotswe ke mokgatlho wa Nelson Mandela Foundation le mekgatlho e e tsamaelanang, le le bidiwang Letsatsi la ga Mandela, le le sobokanyang seo Rre a se emelang.
Letsatsi la ga Mandela le tla ketekwa ka 18 Phukwi ngwaga mongwe le mongwe. Le tla naya batho mo Aforika Borwa gammogo le lefatshe ka bophara tšhono ya go dira sengwe se se siameng go thusa ba bangwe. Madiba o nnile matlhagatlhaga mo dipolotiking sebaka sa dingwaga tse 67, mme ka Letsatsi la ga Mandela, batho go ralala lefatshe, kwa ditirong, kwa gae le kwa dikolong, ba tla gwetlhwa go dirisa metsotso e le 67 ya nako ya bona go dira sengwe se se mosola mo baaging, bogolosegolo go thusa ba ba tlhokang. A re tshegetseng Letsatsi la ga Mandela ka dipelo tsa rona tsotlhe le go rotloetsa lefatshe go kopana le rona mo letsholong le le gaisang le.
Re tlhagiseditse setšhaba sa rona lenaneo la rona la dingwaga tse tlhano tse di tlang. Mo maikanong mangwe le mangwe, re dira lenane la porojeke le le tletseng, ka tse di masisi tse di tshwanetseng go fitlhelelwa. Tshedimosetso e mo tsamaong ya nako e tla nna teng go ka bonwa ke botlhe. Ee, jaaka baagi re tshwanetse go ipotsa gore ke eng se re tshwanetseng go se dira ka borona go thusa go rotloetsa lenaneo la bosetšhaba.
Go nna moagi ga se fela ka ga ditshwanelo, gape ke ka ga maikarabelo, go tsenya letsogo go dira naga ya rona e e botoka. Gape re solofela go dirisana sentle le mekgatlho ya Kganetso mo Palamenteng, ka mowa wa go baya naga ya rona kwa pele.
Go tlaleletsa, Madiba o re rutile sentle gore naga e ke ya rona rotlhe, bantsho le basweu. Go direla go itshwarelana le kopano go tla sala go nna botlhokwa fa re gatela pele.
Ka ntlha ya fa lenaneo la rona la tla tsenngwa tirisong ka nako ya kwelotlase ya ikonomi, re tla tshwanela ke go semelela fela ka gangwe re se senye sepe, go se nne le matlole a a fetisediwang kwa ngwageng o o latelang sente nngwe le nngwe e tshwanetse go dirisiwa ka tshwanelo le go tswela mosola. Re tshwanetse go dirisa madi go ya ka fao go tlhokegang.
MaAforika Borwa-ka-nna, fa re dira mmogo re ka kgona go dira go le gontsi go fitlhelela pono ya rona e e tshwanang ya setšhaba se se botoka e bile se setetsepele thata.
Se, ke tshwaragano e re e goeletsang.
Ke a leboga.
3 Seetebosigo 2009 <fn>The National Council of Provinces Setswana.
Palamente e na le dintlo di le pedi.
Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense (NCOP), eo e nang le baemedi ba le 90.
Molaotheo o a re NCOP e emela diporofense go netefatsa gore dikgatlhego tsa diporofense di tsewa tsia mo lephateng la bosetšhaba la puso.
E dira seno bogolosegolo ka go tsaya karolo mo tsamaisong ya lekgotlapeomola la bosetšhaba, le ka go nna le foramo e mo go yona go tshwarwang dingangisano ka dintlha tse di botlhokwa tse di amang diporofense.
NCOP gape e netefatsa gore matshwenyego a puso selegae a emelwa kwa maemong a a kwa godimo.
NCOP e tlhamiwa ke baemedi ba diporofense tse di tlhophilweng ke makgotlapeomola a diporofense, le baemedi ba Lekgotla la Dipuso Selegae la Aforika Borwa (SALGA).
baemedi ba le leruri ba le thataro..
Baemedi be etelelwa pele ke Tonakgolo ya porofense e nngwe le e nngwe, yo o leng mongwe wa baemedi ba ba kgethegileng.
Fa go tlhokega, Tonakgolo a ka thapa mongwe go tsaya maemo a gagwe.
Kemedi ya SALGA e tlhophiwa ke komitikhuduthamaga ya yona go tswa mo setlhopheng sa baemedi ba Makgotla a Puso Selegae mo diporofenseng di le robonngwe.
Modulasetilo le . Batlatsamodulasetilo ba babedi.
Baofisiri bano ba tsamaisa tiro ya NCOP le go etelela pele dingangisano, ba netefatsa gore baemedi ba bua ka kgololosego mme ba ntse ba obamela melao ya Ntlo.
Motlatsamodulasetilo wa leruri o tlhophiwa go nna dingwaga di le tlhano fa Ditonakgolo tsa diporofense ba refosana go nna Batlatsamodulasetilo mo ngwageng.
NCOP e tsewa jaaka setheo go fitlhelela pusotshwaraganelo le botsaakarolo mo temokerasing, ga mmogo le go nna pinagare ya tlhaeletsano ya matshwenyego a dipuso selegae le matshwenyego a diporofense kwa maemong a bosetšhaba.
NCOP e neelana ka maikutlo a diporofense di le robonngwe tsa Aforika Borwa le neela gape puso selegae polatefomo ya go tsaya karolo mo dipuisanong tsa go dira molao kwa maemong a bošetshaba.
E ka dira kgotsa ya baakanya Melaotlhomo e e welang ka fa gare ga Šejule 4 ya Molaotheo (merero eo lekgotlapeomolao ya bosetšhaba le makgotlapeomelao a diporofense di tshwaraganelang maatla a go dira molao) le melaotlhomo e e rileng e e amang diporofense.
Bontsi jwa tiro ya go dira melao e dirwa ke dikomiti, fela Melaotlhomo yotlhe e tshwanetse go isiwa kwa kokoanong ya NCOP go ka ngangisanwa ka yona le go e boutelwa gore e a amogelwa kgotsa e a ganwa.
Melaotlhomo e e sa ameng diporofense ke eo e amanang le ditiro tsa bosetšhaba, jaaka pabalesego, merero ya kwa ntle, le boatlhodi.
Fa Melaotlhomo e e jalo e fetisetswe ke Kokoanobosetšhaba, e e isiwa kwa NCOP gore e boutelwe.
Fa NCOP e batla go dira diphetogo mo Molaotlhomong, e boela gape kwa go Kokoanobosetšhaba, eo e ka amogelang kgotsa ya gana diphetogo.
Dikao tsa Melaotlhomo e e amang diporofense e tsenyeletsa thuto, dipalangwa, le boitekanelo.
Fa go boutelwa Melaotlhomo e kwa NCOP, porofense e nngwe le e nngwe e na le boutu e le nngwe.
Fa go na le go sa dumelane magareng ga NA le NCOP ka ga Molaotlhomo o o amang diporofense, Molaotlhomo o tla romelwa kwa Komiting Tsereganyo.
Fa Molaotlhomo o tlhabolola kgotsa o fetola molaotheo o o amang diporofense ka tlhamalalo, bonnye diporofense di le thataro mo go di le robonngwe mo NCOP di tshwanetse go dumela.
Fa Molaotlhomo o o tlhabololang molaotheo o sa ame diporofense ka tlhamalalo molaotheo o tlhoka NCOP go ngangisana ka Molaotlhomo (kwa ntle le go bouta) pele o ka fetela kwa NA go boutelwa.
Go ela maemo tlhoko ke thata ya semolaotheo e e neyang Palamente (go tsenyeletsa Makgotlapeomolao a Diporofense) go netefatsa le go ela tlhoko ditiro tsa puso.
NCOP ela maemo tlhoko maphata a bosetšhaba a amang diporofense le dipuso selegae.
NCOP e ka kopa leloko la Kabinete, moofisiri mo pusong ya bošetshaba kgotsa mo pusong ya porofense go nna gona mo kopanong ya Khansele kgotsa ya komiti ya Khansele.
Baemedi ba NCOP ba ka botsa ditona tsa Kabinete dipotso tseo di tshwanetseng go arabiwa kwa NCOP.
NCOP kgotsa nngwe ya dikomiti tsa yona di ka amogela diphetišene, kemedi kgotsa ditlhagiso go tswa go ditheo kgotsa batho bangwe le bangwe ba ba nang le kgatlhego.
NCOP e etela baagi go ela maemo tlhoko le go netefatsa gore ba bona tshedimosetso ka tlhamalalo ka ga ditlhoko le dikgwetlho tsa batho.
Dikomiti tsa NCOP di bidiwa Dikomiti tse di kgethegileng, sekao, Komiti e e kgethegileng ya tsa Dintlo, Ditiro tsa Setšhaba le Dipalangwa.
Komiti e nngwe le e nngwe e sala morago tiro ya mafapha a a rileng a puso. Komiti gape e ngangisana le go tlhabolola Melaotlhomo, le go rulaganya ditheetso tsa phatlhalatsa fa go na le ntlha e e amang setšhaba.
Dikomiti di ka bitsa mongwe le mongwe go neela ka bopaki kgotsa go tlhagisa ditokomane, mme ba ka kopa setheo kgotsa motho mongwe le mongwe go neelana ka pego go bona.
Fa go setse go tshwerwe dingangisano tsa molaotlhomo ke komiti, o isiwa kwa NCOP gore o boutelwe.
Kemedi nngwe le nngwe ya porofense e na le boutu e le nngwe go tlhopha mo boemong jwa porofense ke moeteledipele wa kemedi.
Maloko a setšhaba a ka nna le seabe se se mosola mo go eleng maemo tlhoko ka go netefatsa gore puso e arabela ditlhoko tsa batho.
Tshwaelo go komiti ya Palamente ke tsela nngwe ya go dira gore lentswe la gago le utlwagale kwa Palamenteng.
Ka go dira tshwaelo, o na le tšhono ya tshosometso ya maikutlo a maloko a komiti ba ba buisanang le go ngangisana ka karolo e e rileng ya molao pele o ka wediwa.
Phetišine ke tsela ya go tlisa ngongorego kgotsa go tlhagisa ntlha ya matshwenyego a setšhaba go Palamente gore e tsaye dikgato go ya ka dithata tsa yona.
Tshwanelo ya go neelana ka phetišine go Palamente ke tshwanelo ya moagi mongwe le mongwe wa naga mme e gona le mo Molaotheong wa rona.
Motho mongwe le mongwe, ditlhopha kgotsa mokgatlho o na le tshwanelo ya go neelana ka phetišene go Palamente.
Maloko a setšhaba a ka ikgolaganya le bo MP mo dikantorong tsa kgaolotlhopo go kgabaganya naga kgotsa Palamente fa o batla go iponela tshegetso ya bona ka ntlha e e go tshwenyang kgotsa fa o tlhoka thuso ka bothata jo bo rileng.
<fn>Tswana-brochure.txt</fn>
Ke mang yo o ka kopang thuso go ya ditšhelete ya DWAF?
Madi mo lebakeng leo.
Go bona tshedimosetso go ya pele, ikgolaganye le kantoro ya gago ya selegae ya kgotsa dirisa websaete e: www.dwaf.gov.
Goreng DWAF e neelana ka thuso go balemirui ba ba humanegileng?
Tona ya Merero ya Metsi le jalo ya Dikgwa e batla go netefatsa gore mongwe le mongwe o fitlhelela metsi a a lekaneng; gore manoso a rona a a sirelediwa, a a dirisiwa, a a tlhabololwa, a a somarelwa, a a tsamaisiwa le go laolwa ka mokgwa o o tswelelang le o o siameng; le gore metsi a abelwa gape go tsweletsa baagi ba mo nakong e e fetileng ba neng ba kgaphetswe kwa thoko.
Kwa ntle ga tlhabololo e e bonagalang mo dipopotheong tsa temothuo ya Aforika Borwa, go sa ntse go na le mekhino mo tlamelong le phitlhelelo ya dipopotheo tse bogolosegolo go balemirui ba nosetso. Ka ntlha ya lebaka le DWAF e na le lenaneo la tshegetso ya matlole leo le diretsweng go thusa balemirui ba ba humanegileng mo tirisong ya metsi a temothuo le tlhabololo.
Go ya ka Dikarolo 61 le 62 tsa Molao wa Bosetšhaba wa Metsi (NWA) (No. 36 wa 1998), Lefapha le tlhagisitse pholisi e e kgontshang thuso ya ditšhelete go balemirui ba ba nang le didirisiwa tse di bokoa, malebana le tlhabololo ya tiriso ya metsi a temothuo. Se se ya go netefatsa tlamelo ya metsi e e ikanyegang go lere tlhabololo ya leruri ya ikonomi le loago, go akaretswa phediso ya lehuma.
Ke thuso efe ya ditšhelete e e neelwang?
Thuso e ya ditšhelete e neelwa ka mokgwa wa kabelo kgotsa wa ketleetso.
Dikabelo tse di jaana di neelwa go aga le/kgotsa go tlhabolola dipopotheo jaaka dikanale, mesela ya metsi, diteišene tsa dipompokgolo tsa metsi, matamo a mentsi a mantis, dintlha tsa kgelelo le didiriswa tsa taolo ya metsi. Dikabelo tse gape di akaretsa tirego ya thulaganyo sekao.
Dikabelo tseno di tla thusa balemi ba ba humanegileng go fitlhelela ditshwanelo tsa metsi go dirisetswa tiriso ya metsi a temothuo, le mo ditlhabololong tse dintšhwa le go atolosa tse di leng teng.
manaane a tiriso ya metsi le a tshomarelo; le/kgotsa tsamaiso ya ditšhelete, tlhabololo ya leano la kgwebo, dintlha tsa tekanyetsokabo le tsa semolao.
Dikabelo tsa metsi a pula a ditanka tsa kotulo go tlhagisa dijo tsa lelapa le ditiriso tse dingwe tsa tlhagiso tsa lelapa.
Dikerante tseno di ikaeletse go thusa malapa a a humanegileng a kwa magaeng go itlhagisetsa dijo tsa bone mo lelapeng go itlamela le go iphepa.
<fn>WWA-Setswana nomination form.txt</fn>
Letlha la bofelo la go neelana ka diforamo tsa ditlhopho ke 23 Phukwi 2010.
Mo mabakeng ao dithutano di tswelelang morago ga di 23 Phukwi 2010, letlha la neelo e tla nna letsatsi la bofelo la dithutano FELA kwa diporofenseng tseo go dirwang dithutano tsa bofelo.
Tsweetswee neelana ka tshedimosetos e ntsi ka ga Porojeke/diporojeke. Neela tshedimosetso ka ga boleng jwa Porojeke/diporojeke mo lephateng la metsi. Tsweetswee dirisa pampiri e nngwe fa o batla phatlha e ntsi go tlhalosa Porojeke le go fa mabaka.
<fn>Women and Parliament Setswana.txt</fn>
Basadi ke karolo e e fetang bontsi jwa halofo ya setšhaba sa Aforika Borwa ka jalo mantswe a bona a tshwanetse go akaretswa fa go tsewa ditshwetso le fa go dirwa molao.
Go akaretswa ga basadi mo go tseyeng ditshwetso ke motheo wa tshwanelo ya setho. Basadi ba tshwanetse go tsaya karolo mo go direng molao gonne go tsenngwa tirisong ga molao le dipholisi tsa puso di na le seabe mo matshelong a bona a tsatsi le letsatsi. Se se botlhokwa bogolosegolo ke gore dipatlisiso di bontshitse gore fa basadi ba tsaya karolo fa go tsewa ditshwetso, seno se lebisa kwa tsepamong e e oketsegileng le kabo ya didiriswa tse di tla tlhabololang boleng jwa matshelo a botlhe. Koketsego ya botsaakarolo jwa basadi mo go direng molao go ka tlisa tlhabololo ya phitlhelelo ya ditirelo tsa motheo, jaaka matlo, thuto le loago.
Molaotheo wa Aforika Borwa wa re setšhaba se tshwanetse go fitlhelela le go tsaya karolo mo Palamenteng le mo ditsamaisong tsa yona. Go na le ditsela tse di farologaneng ka fao seno se ka dirwang ka teng.
Basadi ba ka tsaya karolo mo go direng molao ka go boutela mokgatlho wa sepolotiki o ba naganang gore o ka emela dikakanyo le matshwenyego a bona botoka kwa Palamenteng. Ba ka nna gape le seabe mo go rulaganyeng le go direla mokgatlho o ba o tlhophileng le go o tlhopha mo maphateng a ona. Basadi ba tlhatlhogetse kwa maemong a a kwa godimo ka yona tsela e.
Setšhaba se na le tshwanelo ya go tsenela dikopano tsa dikomiti le go tsaya karolo mo Ditheetsong tsa Phatlalatsa. Fa ntlha e le mo dikgatlhegelong tsa setšhaba, Komiti ya Kokoano Bosetšhaba kgotsa ya Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e ka swetsa go tshwara ditheetso tsa phatlhalatsa kgotsa ba dira taletso ya go dira ditshwaelo. Maloko a setšhaba a ka ikgolaganya le Maloko a Palamente go ntsha maikutlo a bona ka karolo nngwe ya molao.
Molaotheo wa Aforika Borwa o neelana ka sebopego se se tebang le tlhatloso ya tekatekano ya bong, mme se se kaya le botsaakarolo jwa basadi mo go direng molao. Molaotheo o neelana ka dintlha dingwe tse di mmalwa mo go tsweletseng tekatekano ya bong. Molaotlhomo wa Ditshwanelo o netefaletsa Maforika Borwa go tshwarwa ka go lekalekana. Molaotlhomo wa Ditshwanelo o kgatlhanong le kgetholola go ya ka lotso le bong. Molaotlhomo wa Ditshwanelo o gatelela gore dikgato di tshwanetse tsa tsewa go tsweletsa go bona phitlhelelo ya tekatekano mo maphateng otlhe a puso.
Molaotheo o dira gore go nne le sebaka sa ditheo tseo di tshegetsang temokerasi, ga mmogo le botsakaarolo jwa basadi. Tseno di tsenyeletsa , magareng ga tse dingwe, Khomišene ka ga Tekatekano ya Bong le Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa.
Go tlaleletsa ditlhagiso tse go neelanwang ka tsona mo Molaotheong, Aforika Borwa e itlamile go tshola tekatekano ya bong ka tumelano ya yona ya dikopano tsa boditšhabatšhaba jaaka Kopano ya Phediso ya Kgethololo Kgatlhanong le Basadi Convention on the Elimination of Discrimination Against Women CEDAW le Lefelo la Tiragatso Platform of Action, eo e neng ya tlhomiwa ke Khonferense ya Basadi ya kwa Beijing. Aforika Borwa ke karolo ya mananeo a tiragatso a le mokawana a Aforika le tsweletso ya basadi, sk. tsamaiso ya Setšhaba sa Tlhabololo sa Borwa jwa Aforika SADC ka ga bong le tlhabololo.
DIpOpEGOKGOLO DIFE TSA BASADI GO DIRA GORE BA TSAYE KAROLO MO GO DIRENG MOLAO?
Tsela ya ntlha e bile e le yona e e botlhokwa go gaisa ya basadi mo go nneng le seabe mo Palamenteng ke ka nako ya ditlhopho. Mokgwa o batho ba boutang ka ona mo ditlhophong ke ona o bontshang ka fao Kokoano Bosetšhaba le Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense di tlhamilweng ka teng. Ditlhopho tsa bosetšhaba di naya batho botlhe ba dingwaga tse di fetang 18 tshwanelo ya go tlhopha mokgatlho o ba o boutetseng. Basadi ba dira palo e e bonalang ya batlhophi mme ba ka dirisa tshwanelo ya bona ya go tlhopha gore ba tle ba tlhotlheletse gore Palamente e tlhamiwa jang, le gore setheo se, se tsweletsa jang tlhabololo ya basadi.
Lefapha le lešwa ka ga Basadi, Bašwa, Bana le Batho ba ba nang le Dikgwetlho le lona le tlhamilwe go kopanya ditiro tsa puso mo go tlhabololeng le go sireletsa batho ba ba leng mo kotsing mo setšhabeng sa rona.
Le fa e le gore basadi ke karolo e kgolo ya bogolo ba setšhaba sa Aforika Borwa, basadi ba sa ntse ba le kwa tlase fa go tsewa ditshwetso. Go na le dikgwetlho di le dintsi tse di thibelang basadi go tshameka karolo e e tletseng mme e le mosola, mme nngwe e kgolo ya tsona ke bohuma. Bohuma ke kgwetlho e basadi ba le bantsi ba Aforika Borwa ba lebaganeng nayo, bogolosegolo basadi ba kwa metseselegaeng.
Go fitlhelela ditirelo tsa motheo jaaka thuto, metsi le loago, bong jo bo sa lekalekaneng, lotso, le dikamano tsa maemo a batho mo setšhabeng di nna le tlhotlheletso e kgolo.. Gore basadi ba tseye karolo ka bojotlhe mo go direng molao, ditirelo tsa motheo di tshwanetse go tlhabololwa gore basadi ba di fitlhelele.
Bontsi jwa basadi bo tlhaela matlafatso ya ikonomi. Ka setlwaedi basadi ke setlhopha se se humanegileng mo Aforika Borwa mme kgonagalo e ntsi ya gore ba newe ditiro tse di kwa tlase kgotsa ba se bone ditiro. Go tlaleletsa se, HIV/AIDS e ama palo e ntsi ya basadi bogolosegolo basadi ba ba santseng ba le bannye ba le mo dingwageng tsa go tshola bana.
Tirisodikgoka kgatlhanong le basadi ke nngwe ya dikgwetlho tse kgolo tse di lebaneng Aforika Borwa.
Temokerasi ya rona e e golang e tlhabolotse phitlhelelo ya basadi go fitlhelela maatla a sepolotiki le go nna karolo ya go tsaya ditshwetso.
<fn>Youth and Parliament Setswana.txt</fn>
Dikgwetlho ya Khansele ya Bosetšhaba ya Diporefense, eo e batlang go mekamekana le merero ya bašwa. Dikomiti di rwele maikarabelo a go lebelela merero ya bašwa mme e tshwanetse go mekamekana le molao o o amang bašwa.
Palamente mo tirong ya yona ya go ela maemo tlhoko, e lebelela tsenyotirisong ya melao e e fetisitsweng e e tsenyeletsang eo e rulaganyeditsweng bašwa ba naga.
Go dira gore Palamente e. tlhelelwe, go na le lenaneo le le bidiwang " Molelwane wa Maloko" moo bašwa ba kopanang le Maloko a Palamente ka bongwe ka merero e e botlhokwa mo go bona. Ba ka nna ba dira gore mantswe a bona a utlwagale ka go dira ditshwaelo tsa molomo kgotsa ka go di kwala.
Bašwa ba dira karolo ya setšhaba eo e ka tsenelang Dikopano tsa Dikomiti moo bontsi jwa tiro ya Palamente bo dirwang gona, mme gape ba ka tsenela dikopano tsa Ntlo go ka lebelela, go ikhumisa le go imatlafatsa.
Palamente e na le ditiro tse di farologaneng tse di lebisitsweng maphata a a farologaneng, sekao. Palamente ya Bašwa (eo e tshwarwang ka nako ya Kgwedi ya Bašwa) moo merero e e botlhokwa go bašwa e sekasekiwang mme ke moo botsaakarolo e leng jwa bašwa fela, le ditsamaiso e le tse di lebisitsweng go bona.
Molaotheo o gapeletsa Palamente go tsenyeletsa setšhaba mo ditiragalong le ditsamaisong tsa yona, fa go le jalo bašwa jaaka karolo ya setšhaba ba lalediwa go le gantsi go tsaya karolo mo mananeong a Palamente, jaaka ditheetso tsa Setšhaba, Puo ya Moporesitente ya pulo ya Palamente le maiteko a mangwe a ka nnang teng le mananeo a botsaakarolo jwa setšhaba.
Phamfolete e e gona ka dipuo di le 11 tsa semmuso tsa Aforika Borwa.
<fn>accessinfomanualsetswana08fin.txt</fn>
Tshedimosetso wa 2000 Molao wa No.
DPSA e eletsa Tona ya Ditirelo tsa Puso le Tsamaiso ka maikemisetso a a amanang le tirelo ya setšhaba go ya ka molaotheo le ditaolelo tse dingwe tsa peomolao. Gape, DPSA e tshegetsa Tona mo go tlhokomeleng Setheo sa Puso sa Tshedimosetso ya Thekenoloji (SITA) le Setheo sa Boitlhamelo sa Bodiredipuso (CPSI).
Molaotheo le ditaolelo tse dingwe tsa peomolao: Kgaolo 10 Molao ya Molaotheo wa Repaboliki ya Aforika Borwa, 1996 (Molao No. 108 wa 1996), o rulaganya dilo tsa taolo ya bodiredipuso.
dintlha le maemo a thapo ya bodiredipuso di laolwa ke peomolao ya bosetšhaba; le letlhomeso la melawana le dikaelo tse di tshwanang mo mebusong ya diporofensi e tshwanetse go tlhabolola maikarabelo mo badiredingpuso jwa yona. Peomolao ya bosetšhaba le letlhomeso la dikaelo le melawana e e tlhagisitsweng mo molaotheong e tlhomamisitswe ka Molao wa Bodiredipuso, 1994 (itsisitswe ka fa tlase ga Kitsiso ya Molao 103 ya 1994). Molao o o rulaganya dikelo le ditiro tsa Tona ya Bodiredipuso le Taolo.
go eletsa Moporesidente le khuduthamaga ya taolo mo mabakeng a a amanang le bodiredipuso le mekgatlho e e bonang letlole la yona mo letsenong la puso; le go dira melawana.
Sediredi sa Puso sa Tshedimosetso ya Thekenoloji: go tlaleletsa mabaka a a kailweng kwa godimo a bodiredipuso, dithata le ditiro tsa Tona di amanetse mo SITA. SITA e tlhomamisitswe go ya ka Molao wa Sediredi sa Puso sa Tshedimosetso ya Thekenoloji, 1998 (Molao No.88 wa 1998) SITA e neela Tshedimosetso ya Thekenoloji, mefuta ya tshedimosetso le ditirelo tse dingwe, mo tikologong e e tshegeditsweng ya polokesego ya tshedimosetso, mo bodiredipusong le mekgatlho e mengwe ya puso. Boto ya Bakaedi e rwala maikarabelo a go busa SITA. Boto ya Bakaedi e dira go ya ka melawana ya go busa e e amogelesegileng le maikarabelo a a rulagantsweng a Molao wa go Laola Matlotlo a Setšhaba, 1999 (Molao No. 1 wa 1999). Mokaedikakaretso wa DPSA ke moemedi wa yona mo Botong ya SITA.
Seralo sa Boitlhamelo jwa Bodiredipuso: Seralo sa Boitlhamelo jwa Bodiredipuso (CPSI) se tlhomamisitswe jaaka karolo 21 ya setlamo go tlamela jaaka sekgontshi, sebobofatsi, le tshimega ya dikgopolo tsa boitlhamedi. Seno se tlhoka gore go dirwe tikologo e e kgonang ya lotso la go abela dikgopolo tse dintšhwa; bebofatsa tshwaragano gareng ga baamegi ba ba faloroganeng, ka tebo ya go tlhomamisa tsweletso le kopanelo ya dithuso tsa bodirisani le phenyo ya tlhotlhwa ya tlhoko ya boitlhamelo mo bodiredipusong. Boto ya Seralo e ikarabela go Tona ya Bodiredipuso le Taolo.
DPSA e bopilwe go dirafatsa taolelo e e boletsweng kwa godimo, go na le dikgaolo di le tlhano tse dikgolo kgotsa makala mo lefapheng: Botsamaisi jwa Merero ya tsa Badiri le Tlhabololo, Tsamaiso ya Pusetso, Kantoro ya Modiredimogolo wa Tshedimosetso wa Puso, Tokafatso ya Thebolo ya Ditirelo le Taolo.
Tsamaiso ya Merero ya tsa Badiri le Tlhabololo e na le dikarolo tse di latelang: Boitekanelo le Tshiamo ya Modiri, Tlhabololo ya Merero ya tsa Badiri, Botsamaisi jwa bomefutafuta, Mekgwa ya Thapo le Botsamaisi jwa Mokgwa wa go Itshedisa le Tswelelelopele, Thulaganyo ya Merero ya tsa Badiri le PSETA.
Botsamaisi jwa Pusetso bo na le dikarolo tse di latelang: Tshedimosetso ya Mokgwa wa Tsamaiso ya Matlotlo le Tekanyetso ya Tiro, Tuelo le Dithuso tse Dikgolo, Dipuisano le Dikamano Tsa Badiri le Bodiredipuso bo le Bongwe.
Kantoro ya Modiredimogolo wa Tshedimosetso wa Puso e na le dikarolo tse di latelang: e-Government, Tshedimosetso le Thekenoloji ya Tlhaeletsano, Puso, Didirisiwa tsa Tshedimosetso le Thekenoloji ya Tlhaeletsano le Tlhabololo ya Setšhaba le Phitlhelelo.
Tokafatso ya Thebolo ya Ditirelo e na le dikarolo tse di latelang: Tiro ya Tlhabololo ya Setšhaba, Tsosoloso ya Batho Pele, Dibebofatsi tsa Thebolo ya Ditirelo le Didirisiwa tsa Thebolo ya Ditirelo.
Taolo e na le dikarolo tse di latelang: Tebelelo e e Lotaneng le Palotlhotlhwa, Patlisiso, Merero ya Boditshabatshaba le ya Aforika, Lephata la Puso le le Kgatlhanong le Bobodu le Didirisiwa tsa Thadiso ya Bolekane jwa Aforika.
Go na le dikarolo di le pedi tse di diranang le mediro ya badiri mo lefapheng tsona ke Kantoro ya Modiredimogolo wa Matlotlo le Tsamaiso ya Matlotlo a Batho. Kantoro ya Modiredimogolo wa Matlotlo e na le dikarolo tse di latelang: Botsamaisi jwa Thulaganyo ya Tshenkelo le Tsamaiso le Polokesego le Thekenoloji ya Tshedimosetso le Tsamaiso ya Kitso.
Tsamaiso ya Matlotlo a Batho e na le dikarolo tse di latelang: Tsamaiso ya Batho le Tlhabololo le Dikamano tsa Badiri le Phetogo.
Go tlaletsa mo dikgaolong di le tlhano tse dikgolo, go na le tshegetso ya Tona le tshegetso ya Kantoro ya Mokaedi-Kakaretso. Tlhaeletsano le karolo ya Tshegetso ya Tona di direla Tona, fa Kantoro ya Mokaedi-Kakaretso e Tshegetsa Molaodi-Kakaretso. Tsamaiso ya Lenane, Ditirelo tsa Molao le Karolo ya Dithuno tsa ka fa lefapheng di ikarabela go Mokaedi-Kakaretso.
Ka kopo ela tlhoko gore fa go na leng ikganetso teng gareng ga bukana e e kwadilweng ka Setswana le ka Sekgowa, e e kwadilweng ka Sekgowa e tla nna e le teng.
Mokaedikakaretso wa DPSA ke Modiredi wa yona wa tshedimosetso go ya ka Molao wa Tlhatlhoso le Phitlhelelo ya Tshedimosetso. Motlatsa Modiredi wa Tshedimosetso wa DPSA ke Mokaedimogolo: Ditirelo tsa Molao.
Kaelo ya gore o ka dirisa jang Molao wa Thotloetso le Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa 2000, e tla nna teng kwa Khomišeneng ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa pele ga Phatwe 2003.
Ka maikaelelo a go bebofatsa kopo go ya ka dintlha tsa molao, dilwana tse DPSA e tshwarang direkoto tsa yona jaaka di arogantswe mo diteng tsa Sekgowa tsa "Bukana ya Lefapha la Bodiredipuso le Taolo" (Tema 5.1,setlhogo sa yona ke-"Tlhaloso ya Dilwana tse DPSA e tshwarang direkoto le ditlhopa tsa direkoto tse di tshwereng mo selwaneng sengwe le sengwe"). Bukana e e teng mo weposieteng ya DPSA mo http://www.dpsa.gov.za/acts&policies.
Ga go kitsiso e e phasaladitsweng ga jaana malebana le ditlhopa tsa direkoto tsa DPSA a a leng teng kwa ntle le gore motho a kope phitlhelelo ya tsona go ya ka dintlha tsa Molao wa Tlhotllhoso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso. Fela, direkoto tse di leng gone mo webosaeteng ya DPSA, www.dpsa.gov.za gore a bonwe kgotsa a ntshiwe kwa ntle le gore motho a dire kopo ya go nna jalo go ya ka dintlha tsa molao o o boletsweng.
Phitlhelelo ya rekoto eo ga e ganelwe go ya ka mabaka a kganelo a a boletsweng mo Molaong.
Mokopi o tshwanetse go dirisa fomo (Foromo A) e e kwadilweng mo Kaseteng ya Puso (Kitsiso ya Mmuso R187 ya 15 Tlhakole 2002).
Mokopi o tshwanetse go supa gore o batla khopi ya rekoto kgotsa o batla go e bona kwa dikantorong tsa lefapha la puso. Fa rekhoto e sa kwadiwa mo pampiring e ka kgona go bonwa ka mokgwa o e kopilweng ka ona, fa go leng maleba gone.
Fa motho a lopa phitlhelelo ka mokgwa o o rileng (sekao; khophi ya pampiri, khopi ya eleketeroniki, jalo jalo) mokopi o tshwanetse go bona phitlhelelo ka mokgwa oo. Fela fa se kitla se sa kgoreletse ka tsela e e sa amogelesegang tsamaiso ya lefapha la puso le le amegang, kgotsa se senya rekoto, kgotsa e itlhokomolosa molao wa kganeloketso ya puso. Fa ka mabaka a a utlwalang phitlhelelo ya rekoto e sa kgone go newa ka mokgwa o o tlhokegang mme e kgona go newa ka mokgwa mongwe, tuelo e tshwanetse go badiwa ka tsela e mokopi a kopileng ka yona pele.
Go tlaleletsa mo karobong e e kwadileng ya kopo ya bona ya rekoto, mokopi fa a batla go itsesiwe ka tshwetso ka tsela nngwe, sekao mogala, o tshwanetse go supa seo.
Fa mokopi a batla tshedimosetso mo boemong jwa motho yo mongwe, o tshwanetse go supa maemo a kopo e dirwang ka ona.
Fa mokopi a sa itse go buisa kgotsa go kwala, kgotsa a na le bogole, kopo e ka dirwa ka puisano. Modiredi wa tshedimosetso o tshwanetse go tlatsa fomo mo boemong jwa mokopi wa go nna jalo mme a mo nee khopi ya fomo e e tladitsweng.
Mokopi yo o batlang phitlhlelelo ya rekoto e e tshotseng tshedimosetso ka ga ene ga a tshwanela go duedisiwa madi ape. Mokopi mongwe le mongwe o tshwanetse go duedisiwa R35.
Modiredi wa tshedimosetso o tshwanetse go itsese mokopi (kwa ntle ga mokopi yo o kopang tshedimosetso ka ga ene) ka kitsiso, e e tlhokang mokopi a duele madi a a boletsweng a kopo (fa go tlhokega) mme a a romele ka banka (fa go tlhokega) pele a romela kopo.
Mokopi a ka dira boikuelo mo lefapheng, fa go leng maleba gone, kgotsa a dira kopo kwa kgotlhatshekelo kgatlhano le tennere kgotsa tuelo ya madi a a tlhokegang.
Fa modiredi wa tshedimosetso a fetsa go tsaya tshwetso ya kopo mokopi o tshwanetse go itsisewe ka tsela e a batlang go itsisewe ka yona.
Fa kopo e neetswe tuelo ya phitlhelelo e tshwanetse go duelwa go dirwa le go batla le thulaganyo ya nako nngwe e e batliwang ya phetotekanyetso ya diura tse di kaelweng go batla le go rulaganya gore rekoto e bonwe.
Phitlhelelo ya rekoto e tla tshwarwa go fitlhela tuelo yotlhe e e tlhokegang e duelwa.
Mediro ya DPSA, jaaka e boletswe mo temaneng ya pele, ke gore badirisi ba yone ke mafapha a mangwe a puso mme ga e neele ditirelo tse di leng teng mo setšhabeng. Fela, dipalopalo tsa tshedimosetso ya matsalo, dintsho, malwetse jalo jalo, ka ga bodiredi puso (bokana jwa bodiredipuso le palo ya badiredi ba lefapha lengwe le lengwe) di ka bonwa mo botsong jwa Tshedimosetso ya Bodiredipuso jwa DPSA mo imeiling eno: M&E@dpsa.gov.za.
Pholisi le peomolao: Fa DPSA e tlhagisa pholisi e ntshwa kgotsa peomolao e tshwara ditherisano le baamegi botlhe ka taletso ya ditshwaelo mo dipampitshaneng tse di phasaladitsweng le/kgotsa kopanotherisano/dikhonferense. Tirego e ya go nna le seabe e farologana go ya ka mofuta wa porojeke mme ka gale e itsesiwa pele ga porojeke e simolola kgotsa morago ga fao.
Ditshwanelo tsa setšhaba Ditaelo tsa thulaganyo ya tiro tsamaiso e e siameng di beilwe bo ditlamelong tsa Molao wa Tlhatlhoso ya Botsamaisi jwa Bosiamisi, 2000 (Molao No. 3 wa 2000) go tla ikamaganngwa le ona (karolo 4 le 5 bogolo).
Maemo a tirelo ya badiredipuso: maemo a tirelo le ditiro tse dingwe tsa kopanelo ya dikgatlhego tsa badiredipuso di buisanelwa kwa dikhanseleng tsa ditherisano tse di dirilweng go ya ka dintlha tsa Molao wa Dikamano tsa Badiri, 1995 (Molao 66 wa 1995). Diunione tse di emetseng palo e e supilweng ya badiredipuso ba letlelewa go nna le seabe mo khanseleng ya ditherisano ya go nna jalo. Khansele ya kgokaganyo ya ditherisano ya bodiredipuso ke mokgatlho o gareng ga dilo tse dingwe maemo otlhe a tirelo a a amanang le badiredipuso a buisanelwang gone.
i Dipaakanyo tsa ditiro kgotsa go tlhaela go dira ka dintlha tsa Molao wa Tlhabololo le Phitlhelelo ya Tshedimosetso: Taolo ya boikuelo ka fa gare ga lefapha go ya ka boitlhomo jwa molao o ke ya Tona ya Bodiredipuso le Taolo dikarolo 74-77. Fa go fetswa paakanyo ya boikuelo ka fa gare ga lefapha, kopo ya go dira boikuelo e ka diriwa le kgotlatshekelo dikarolo 78-82.
modiredipuso a ka tlhoma matshwenyego kgotsa ngongorego go tlhotlhomisiwa ke Khomišene ya Bodiredipuso malebana le tiro ya semmuso kgotsa tlhokomologo karolo 35 ya Molao wa Bodiredipuso, 1994.
Motho a ka tlhoma ngongorego kwa motlhatlhobing wa tiro malebana le magatwe mangwe le mangwe a go itlhokomolosa Molao wa Theo ya Maemo a Tiro wa 1997 Molao wa No. 75 wa 1997-karolo 78 1a, kgotsa Molao wa Tekatekano Tirong, 1998 Molao wa No. 55 wa 1998-karolo 34 e.
motho a ka tlhoma ngongorego le Mosireletsi wa Setšhaba malebana le pelaelo ya go se nne ka fa molaong kgotsa tiro ya mmuso e e sa siamang kgotsa tlhokomologo Molao wa Molaotheo le Mosireletsi wa Setšhaba, 1994 Molao wa No. 23 wa 1994.
Motho a ka tlhoma ngongorego kwa Khomišeneng ya Ditshwanelo tsa Batho ya Aforika Borwa malebana le tiro ya semmuso kgotsa tlhokomologo e go belaelwang e tlisa tshotlakako kgotsa e tshosetsa nngwe ya theo ya ditshwanelo Molao wa Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho, 1994 Molao wa No. 54 wa 1994.
fa o batla gore o sirelediwe mo boipusolosong gonne o senotse go seng ka fa molaong kgotsa go sa tlhamalala tebang le boitshwaro jwa mothapi kgotsa modirimmogo, motho yo o amegang o tshwanetse go latela dithulaganyo tsa tshenolo tse di mo Molaong wa Ditshenolo tse di Sireleditsweng, 2000 Molao No. 26 wa 2000.
viii Tiriso ya dipaakanyo tse dingwe tsa semolao tse di jaaka metheo ya ditsweletso tsa thadiso ya boatlhodi jwa tsamaiso ya tiro ka dintlha tsa Molao wa Tlhatloso ya Tsamaiso ya Bosiamisi wa 2000 Molao wa No. 3 wa 2000.
Motho a kopa mabaka a dikgato tsa botsamaisi go ya ka dintlha tsa Molao wa Tlhatlhoso Ya Tsamaiso ya Bosiamisi wa 2000 (karolo ya bo 5).
Motho a ka kopa phitlhelelo ya direkoto tsa lefapha la mmuso kgotsa tsa lefapha le lengwe la puso go ya ka dintlha tsa Molao wa Tlhatloso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso, 2000 (karolo ya bo 11).
Modiredipuso mo nakong ya gagwe ya go dira tiro ya gagwe ya semmuso, o patelesega go begela bothati jo bo maleba, tsietso, bobodu, go thapa ka losika, tsamaiso e e sa siamang le tiro nngwe e e kgopisang kgotsa e e nang le tlhaolo mo dikgatlegong tsa setshaba, go ya ka Molawana wa Boitshwaro wa Bodiredipuso. Modiri yo o sa ikamaganyeng le molawano o, o bonwa molato wa boitshwaro jo bo sa siamang. (Molwana B.3 le C.4 wa Kgaolo 2 ya Melawana ya Bodiredipuso wa 2001).
Maikarabelo a mothapi mongwe le mongwe le modiri go senola bosenyi kgotsa boitshwaro bongwe le bongwe jo bo sa tlhamalalang kwa tirong gape e thusa Molao wa Ditshenolo tse di Sireletsegileng wa 2000 (Bontlhanngwe jwa matseno a Molao).
<fn>annualreport2002.txt</fn>
Pego ka boripana ya ngwaga ka ngwaga ya Kgoro ya Kgwebi.
Mo ngwageng o o fetileng tiro ya dti e ne e tsepame mo tlhabololong ya dipholesi tebang le maemo a a kwa godimo a kgolo ya ekonomi, bothapi le tekatekano mo Aforika Borwa.
Togamaano e e Kopantsweng yaTiro (IMS) e simolotse tiro e fa dipholesi di ntse di tlhabololwa go tshegetsa maatlafatso ya bantsho le basadi mo kgwebong. Jaanong dti e fitlhelela batho ba bantsi go feta pele, ka letsholo le le tiileng la papatso go lere tshegetso ya ditirelo tsa kgwebo tse dti e di neelang dikgwebopotlana le tse di mo magareng tse di fetang 2000 naga ka bophara. Go ntse go le jalo, barerisani ba dti ba ntse ba dirisana le Aforika e e Borwa ka ga Kopanelo ya Makgetho gammogo le phitlhelelo ya dimmaraka tse nt.shwa kwa moseja. Se se akaretsa dithulaganyo tse nt.shwa tsa go tlhokomela lekgetho. Kopanelo ya Makgetho a Aforika Borwa ke yona e kgologolo mo lefatsheng. Gape dti e lerile dipeeletso tse kgolo tse nt.shwa ka dikema tsa yona tsa thotloetso le Tlhabololo ya Dikgaolo tsa Madirelo.
<fn>boabab_setswana.txt</fn>
Letshwao le le neelwa Maaforika Borwa ka tirelo e e kgethegileng. Tirelo e e abelwang kabo e e kwa godimo ga tiro ya ka gale.
Tirelo ya setšhaba.
Maemo a boraro = Mokanseliri wa Letshwao la Baobab (Kgotlho).
Letshwao le le tlhotlheleditswe ke Baobab e leng setlhare sa Aforika sa boboatsatsi. Tshimologo ya leina Baobab ke karolo ya setso le masaitsiweng a Aforika. Se tlhalositswe go le gantsi go feta ditlhare tse dingwe mo Aforika, gareng ga tse dingwe, go tia ga sona, le boleng jwa sona mo Maaforikeng. Boitshoko le kgotlelelo e setlhare se se e supang fa se gola bo supa tirelo e e boitshoko e e manontlhotlho go Aforika Borwa e e neelwang ke Letshwao le. Ka yona tsela eo, tirelo e e rebolwang e sa ntse e netefatsa maemo a kgolo ya Aforika Borwa a a tswelelang e bile a na le boitshoko.
Baobab ke karolo e e botlhokwa ya tsamaiso ya dimela tsa dikgwa tsa Aforika. E neelana ka lekwati go dira letsela le mogala, maungo go dira dijo le mafura, le ditlhagiswa tse dingwe tsa botlhokwa. Medi e e sephara e e phunyeletsang e tshegetsa setlhare se segolo se se itsegeng jaaka lefelo la dikopano tse dikgolo le tshireletso mo ditšhabeng tsa Seaforika tse di itsetsepetseng ka setso.
Baobab (Baobab kgotsa Adonsonia Digitata) - e itsege ka medi ya yona le boleele jwa botshelo jwa yona. Ga e tlamele fela ka moriti le lefelo la dikopano, mme e botlhowa le mo go tshegetseng baagi ba mafelo a e fitlhelwang mo go yona.
Popego ya matlhakore a robongwe - popego e ya lemorago la matlhakore a le robongwe e supa dikarolo di le dintsi tse di farologaneng tsa seabe le tirelo mo go ageng setšhaba se se atlegang e bile se tswelela pele. Letshwao le emetse gape diporofense tse robongwe tsa naga ya rona.
Matshwaro a ka fa ntle - Pheleletso ya kamego ya lekwati la Baobab; lekwati le itsege thata ka go dira dimmetshe le dihutshe.
<fn>colourflyer1.txt</fn>
<fn>designers_setswana.txt</fn>
Gold Mametja o na le leina le nyalanang sentle le ditalente tsa gagwe. Botaki jwa gagwe bo ne jwa tlhophiwa mo teng ga bontsintsi jo bo neng jwa romelwa morago ga gore GCIS e laletse bataki ba dibenya go romela botaki jwa Matshwao a mašwa a Bosetšhaba.
Mo botshelong jwa gagwe go lenaneo le legolo la diphitlhelelo fa e sale a tswa kwa Technikon Witwatersrand. Di akaretsa motseletsele wa botaki mo Aforika Borwa go akaretsa mela ya gauta ya (Lebelo la Comrades) Comrades Marathon.
O bonolo e bile o lentswe le kwa tlase, o akanya gore go dira ka Matshwao a Bosetšhaba e ne e le: 'Sengwe se se botlhokwa go gaisa mo botshelong jwa me. Go ntetla gore ke dire botaki jo, ke mpho e kgolo e naga eno e e nneileng. Mametja o dira jaaka motaki wa madirelo kwa CSIR kwa Pretoria. O nna kwa Kempton Park le mosadi wa gagwe le bana ba babedi.
Gareth Smart o itlhagisitse jaaka motaki mo makaelong le diraleng tse dintsi morago ga go konosetsa gerata ya BA Graphic Design (mo go tsa Botaki) kwa Midrand Graduate Institute. O ne a kobile thata karolo ya 3D Multimedia. Polokelo ya gagwe e supa lenaneo le maatla la badirisi le a le dirileng ka nakwana e khutshwane.
Mo go ena e ne e le 'tšhono ya botshelo' go tlhophiwa gore a take Letshwao la Bosetšhaba le lešwa. O nna kwa Pretoria a thusa badirisi ka tiro ya gagwe e a dirang nakwana ya go taka, go diragatsa le botlhami.
<fn>history_setswana.txt</fn>
Go belegwa ga Aforika Borwa yo o sa tlhaoleng go ya ka mmala le bong wa temokerasi go ne ga nna botlhokwa go sekaseka gape tsamaiso ya Matshwao a Bosetšhaba. Tsamaiso ya mo malobeng e ne e na le Mokgabiso o le mongwe le Orders tse nne tse di neng di supa tsa maloba.
Ka go batla go tswa mo go tsa maloba, ka Motsheganong 1998, Lekgotla Kgakololo la ga Moporesitente ka ga Matshwao a Bosetšhaba le ne la newa tiro le maikarabelo a go sekaseka tsamaiso ya tsamaiso le dikabo tsa Matshwao a Bosetšhaba. Go diragatsa tiro e, komiti ya setegeniki e ne ya tlhongwa mme ya semelela mo tirong ya dipatlisisi e e neng e akaretsa go buisana le baagi, dipuisano le bannaleseabe bosetšhaba, dipuisano tsa ditlhopha tse din eng di kobile mekgwa e mengwe ya tsamaiso, go neela dipatlisiso tsa hisetori le go kokoanya bataki ba dibenya le ditshipi go taka ditshipi tse dišwa ka kaedi ya botaki.
Jaaka karolo ya tiragalo e, Lefapha la Botsweretshi, Setso, Saense le Thekenoloji la nako eo, ka kamano le Lenaneo la Puso la Tlhaeletsano le Tshedimosetso (GCIS) le ne la batlisisa matshwao a mangwe le botshwao ka maiteko a go ngoka maikutlo a mangwe a a ka supang mowa wa naga e ntšhwa. Setlhopha sa dirutegi le baitseanape ba ba itseng go le gontsi ka ga matshwao a setho le botshwao se ne sa kopiwa go batla dintlha tsa botlhokwa le dilwana tse di supang hisetori e e kopaneng le go akaretsa maitemogelo a Aforika mme Aforika e le yona ntlhatebo. Ditlamorago tsa maiteko a a kopanetsweng di ne tsa tlisa go tlhamiwa/takiwa ga Matshwao a Bosetšhaba a mašwa.
Aforika Borwa e tsere dikgato di bonala go tswa kwa tsamaisong ya yona ya maloba ya kgethololo go ya bong, mmala le lotso. Naga e e ntse e tswelela pele ka iketlo go ya kwa maemong a a gatelelang botho jwa rona. Mo mogwantong o o yang kwa bothong o, setso se sešwa sa ditshwanetlo tsa setho le go tlotla seriti sa mowa wa setho ke tse Aforika Borwa e leng sona.
Paka nngwe e e sa lebalegeng ya khudugo go tswa kwa malong ke go emisiwa ga folaga e ntšhwa ka 1994. Paka e e ne e supa boipelo le seriti ya naga e e tlhagelelang le go keteka botho. E nngwe e nnile go ribololwa ga Letshwao la Dibetsa (Coat of Arms) ka 27 Moranang 2000 e e akaretsang bokao jwa hisetori e e kopanetsweng ya batho ba naga e. Ka go dira jalo maikutlo a maikutlo a mašwa a a tsibogelang Aforika le matshwao a gagwe e ne ya nna karolo ya setso se sešwa se se tlhalosang go tsalwa gape ga Aforika Borwa.
Matshwao a Bosetšhaba a mašwa ke kgopolo e e tlileng ka mowa oo wa go tsalwa gape.
<fn>ikhamanga_setswana.txt</fn>
Letshwao le le neelwa baagi ba Aforika Borwa ba ba dirileng ka botswerere mo go tsa botsweretshi, setso, bokwadi, mmino, bobegakgang le metshameko.
Lephata la boraro = Kgotlho.
Semela sa Ikhamanga (Strelitzia) se supa bontle jo bo kgethegileng jwa diphitlhelelo ka banna le basadi ba ba tsholeletsang Aforika Borwa kwa mankalenkaleng mo go tsa itlhamelo, botsweretshi, setso, mmino, bobegakgang le metshameko.
Ditlhogo tsa Lydenburg - (botsweretshi) - tlhogo ya lefatshe e emetse botsweretshi jwa pono le itlhamelo, tiragatso le terama.
Moropa wa Seaforika - e amana le ditso tsotlhe mme e supa botsweretshi, ke letshwao la talente mo dikgokaganong le keteko ya setso.
Setlho/letsatsi - setlhoa se supa serwalo sa tlhogo se se rwalwang ke badiragatsi, ba bogosi le batho ba tlotlegang. Marang a letsatsi, a a supang maatla, kgalalelo, lesedi le maatla, di supa diphitlhelelo tsa badiragatsi mo makaleng a a farologaneng.
Ditsela - (phitlhelelo le tswelelopele) - di supa ditsela tsotle tse di isang kwa Aforika le Cradle of Humankind, e e gatelelang tsela e telele e le bokete ya phitlhelelo, bothakga le katlego.
<fn>luthuli_setswana.txt</fn>
Letshwao le le neelwa Maaforika Borwa a a nnileng le seabe se segolo mo kgaratlhong ya temokerasi, ditshwanelo tsa setho, popo ya setšhaba, tolamo le kagiso, le tharabololo ya dikgotlhang.
Letlapa le le thata la khutlotharo le emetse sediriswa sa phalolo se se neng se dirisiwa ke dikokomane tsa bogologolo tala go bua diphologolo, go aga matlo le go sega matlalo go dira diaparo.
Le supa pono ya ga moswi Kgosi Albert Luthuli - moeteledipele wa mogale wa kgaratlho ya kgololosego e leng moamogedi wa ntlha wa Moputso wa Kagiso wa Nobel ka 1961 - gore Maaforika a nne le seabe ka botlalo mo tlhabololong ya ikonomi ya loago le ya sepolotiki mo Aforika Borwa.
Thaba ya Isandlwana - e supa kagiso le tidimalo morago ga Ntwa ya Isandlwana ka 1879.
Folaga ya Aforika Borwa - e emetse tlhabo ya tokologo le temokerasi.
Thekenoloji - e gatelela tlhabololo ya didiriswa tsa thekenoloji e e kwa godimo.
Manaka a mabedi - e supa pono ya gagwe ya Aforika Borwa wa temokerasi, yo sa kgethololeng go ya ka mmala kgotsa bong.
Paterone ya lengau - e supa serwalo sa tlhogo sa ga Kgosi Luthuli.
Dibaga - mokgabiso o supa bontlhe jwa Aforika mme poo ya Seaforika e emetse maatlafatso le tswelelopele ya Maaforika.
<fn>mapungubwe_setswana.txt</fn>
Letshwao le le abelwa Maaforika Borwa ka phitlhelelo e e manontlhotlho e e tswileng dinala.
Maemo a boraro = Letshwao la Mapungubwe la Kgotlho (Kgotlho).
Mapungubwe: Puso ya Mapungubwe e ne e le kwa sekhutlong se se kwa bokone sa naga ya rona dingwaga di ka nna sekete tse di fetileng. Puso e e ne e na la tsamaiso ya naga ya maemo a a kwa godimo le temothuo e e tlhabologileng. E ne gape e na le intaseteri ya meepo le go fisiwa ga tshipi. Puso e e ne e ananya le dinaga tse di kgakala jaaka China. Ka nako ya yona e ne e emetse botswerere jwa kakanyo ya setho le botlhale.
Dikhutlo tse nne tsa lefatshe - di supa diphitlhelelo tsa Aforika Borwa mo lefatsheng ka bophara.
Tlhabo ya letsatsi - tshimologo e ntšhwa e e runyang mo Aforika.
Thaba ya Mapungubwe - e dira lemorago, thaba ya matlapana mo letlapeng la seretse mo lefelong le le omileng la bobatsatsana la dipula tse di fetofetogang tsa selemo. Mesima e supa gore bothakga bo tlhageletse mo teng ga maemo a a thata a tlhago.
Tshukudu ya Mapungubwe - setlhagiswa sa botsweretshi se se itsegeng ga jaana se se fitlhelwang mo boalong jwa mosima, setshwantsho se sennye se se apesitsweng ka gauta se bopilwe go dikologa legare le le boleta, gongwe legolong le lo lo betlilweng, ke bopaki jwa bothakga jwa setho jo bo leng teng mo Pusong e.
Thobane ya Mapungubwe - e tlhageletse mo pitseng e e gakolosang gauta mo letlhakoreng le lengwe; ke sengwe sa tse di fitlhelwang mo lebitleng mo lefelong la mesima.
Pitsa e e kgabisitsweng e e gakolosang gauta - dipopego tsa tekano mo pitseng e e phophomang di supa motlele wa botswerere, saense le botlhami, se se supang diphitlhelelo tsa ntlha mo go gakoloseng tshipi.
Kgabo ya molelo - bokgoni jwa molelo jwa go itshekisa le go tshedisa, tse di neng di ntse di dirisiwa fa e sale ka Paka ya Tshipi, go tsweletsa tlhabololo le botswerere mo baaging le mo ditšhabeng.
<fn>mendi_setswana.txt</fn>
Mokgabiso o o abelwa baagi ba Aforika Borwa ba ba dirileng ditiro tsa bopelokgale tse dineng di baya matshelo a bona mo kotsing, kgotsa ba ba latlhegetsweng ke matshelo go akaretsa ba leka go boloka botshelo jwa motho yo mongwe, kgotsa go boloka thoto, mo teng kgotsa kwa ntle ga Rephaboliki ya Aforika Borwa.
Lephata la boraro = Kgotlho.
Thebe, e dirilweng ka letlalo la phologolo, e leng la kgomo, le a sugiwa le bo le logiwa go nna setlhagiswa se se popegolee sa boalo jo bo thata mme le felelediwa ka matshwaro a kota. Molamu le lerumo di tlaleletsa thebe e e neelwang baeti ba ba tlang mo nageng ya rona go tswa lefatshe ka bophara e le mokgwa wa go supa molemo.
SS Mendi - e emetse bopelokgale jwa masole a Aforika Borwa a bantsho le batlhankedi ba bona ba basweu ba ba neng ba kgangwa ke metsi ba le mo sekepeng sa SS Mendi. Sekepe se nwetse morago ga go betswa ke SS Darro sa ba sa batla se kgaogana ka bogare mo metsing a a tsididi a English Channel gaufi le Isle of Wight ka 21 Tlhakole 1917. Ba ne ba le mo tseleng go ya Fora go thusa Borithane ka Ntwa ya Ntlha ya Lefatshe.
Mogolodi - go fofa ga blue crane mo loaping le le okameng lewatle fa godimo ga SS Mendi go emetse mewa ya masole a bagale a a betilweng ke metsi. Diphuka tsa blue crane's di kile tsa bo di neelwa masole a bagale ka paka ya dintwa tsa sekoloniale.
Sediko se setala - bogare jo dintlha tse tharo tse di tswang mo go jona bo emetse go tswelela pele ka go neelana ka thuso go ba ba e tlhokang ka nako ya matlhotlhapelo a tlhago le mathata a mangwe a a tseneletseng a a diragalang nako le nako go kgabaganya lefatshe.
Tau - ke letshwao la bontle, maatla le bopelokgale, e emetswe ke maroo a yona go dikologa dintshi tsa popego ya matshwaro. Se se supa go paterolwa ga melelwane, mo teng le kwa ntle ga naga, ke Maaforika Borwa a a pelokgale. Dintlha tse tharo tsa lefelo di emetswe ke momagano ya mabolomo a mokgwapa, e leng semela sa mo Aforika Borwa se se supang maatla, phalolo le boleng jwa molemo.
Molamu le lerumo - feleletsa thebe jaaka matshwao a tshireletso le tlotlo.
<fn>ortambo_setswana.txt</fn>
Letshwao le le neelwa batswantle (Ditlhogo tsa Dinaga le Puso) le batlotlegi ba bangwe ba kwa ntle ga naga. Le neelwa ka ntlha ya botsalano jo ba bo bontshitseng Aforika Borwa. Ka jalo ke letshwao la kagisono, tirisano le go tlhagisa ka tlhamalalo kopano le tshegetso. Letshwao le le supa pilara ya botlhokwa mo dikamanong tsa boditšhabatšhaba le tsa maphatamantsi.
Maemo a boraro = Molekane wa ga Tambo (Kgotlho).
Dikabelo tsotlhe tse di akaretsa dikarolo tse nne: seikokotlelo, betšhe ya molala, lennye le mokgabiso wa tlotlo. Letshwao la bofelo le na le dikarolo tse tharo: betšhe ya molala, lennye le mokgabiso wa tlotlo.
OR Tambo: OR Tambo o nnile le seabe se segolo mo kgodisong le tlhabololong ya kopano ya boditšhabatšhaba kgatlhanong le bosemorafe le tlhaolele. Gareng ga tse dingwe o tlhomile Morero wa ntlha wa mokgatlo wa kgololosego kwa Egypt, Morocco, Ghana le London. Se e nnile tshimololo e ntle ya go kopanya ditsala tsa Aforika Borwa go ralala lefatshe mo maitekong a a tswelelang a dinaga tsa boditšhabatšhaba go tshegetsa Aforika Borwa yo o gololosegileng wa temokerasi le go lwa kgatlhanong le bosula jwa bosemorafe, kgatelelo le Tlhaolele.
Majola (noga ya setlhodi): Noga e e etelang masea fa a sena go belegwa. Ga e ke e utlwisa bana botlhoko kgotsa maloko a lelapa mme tsela ya go e koba ka botsalano ke gore mme a e none ka mekgato ya gagwe. E etela lesea go le siamisetsa botshelo jo bo atlegileng le bo bo sireletsegileng fa le gola. E tla jaaka tsala le mosireletsi. Botsalano jo e bo tlhagisang ga bo a itshetlega ka pontsho ya tshiamo fela ke tlhagiso ka tlhamalalo ya kopano le go tlhoafalela go tshegetsa le go rotloetsa katlego yap aka e telele ya ngwana le maloko a setho a a golang. Noga e key a setso sa Seaforika gonne ka ntlha ya sekwalwa sa kanegelo e se se bidiwang The wrath of the ancestors ka AC Jordan. Kanegelo e tlodisa matlho kakanyo e e tlwaelegileng ya gore noga e botlhole mme e tlhagisa thanolo e e anameng ya Seaforika e e tlhaloganyang gore noga ke tsala e bile ke leloko la tlhago e e anameng.
Seikokotlelo - se betlilwe ka legong le le borokwa, ke letshwao la kamogelo ya tshegetso le kopanao e e supiwang, ga mmogo le boineelo jwa go tshegetsa le go ema nokeng moamogedi.
Majola - leitlho le le tlhoko le le nang le dikgwage kwa godimo le kwa tlase le supa temogo ya go tlhagisiwa ga kopano le tshegetso go Aforika Borwa.
Tomoye ya matlhakore a mane - e tlhotlhelediwa ke kgopolo e e itsegeng ya yin le yang e e supang kopano ya dintlha tse pedi go tswa matlhakoreng a a farologaneng a semowa.
<fn>setswana1.txt</fn>
Ke ka ntlha ya eng re na le bothata?
Tharabololo ke eng?
Pholesi ya motheo ya sanetasiya lelapa e tla fitlhelela eng?
Mmuso o na le maikarabelo a semolaotheo go netefatsa gore MaAforika Borwa otlhe a fitlhelela sanetasi e e lekaneng. Pholesi ka jalo e tla leba mo go tlameleng go fitlhelela sanetasi e e lekaneng ya malapa, dikolo le ditleliniki, e tokafatse kgobokanyo ya maswe a lelapa le tsamaiso, le go ruta set haba ka boitekanelo.
Mmuso o rulaganya go tsamaisa tiragatso ya tirelo e e tokafaditsweng ka go tshegetsa baagi mo go tlameleng le go diriseng ditirelo tsa sanetasi tse di kgonagalang (tse di tlhotlhwatlase, di tsamaisiwa ke baagi). Mafelomagolo a tebo a tla akaretsa mafelobonno a metseselegae, seka-toropo le kwa baipeing koo tlhokego e leng kgolo.
Sanetasi e botlhokwa mo boitekanelong ba boset haba. Go fitlhelela sanetasi e e siameng, go tlhokagala go nna karolo ya ya tlhabololo. Sanetasi ka jalo ke nngwe fela ya mananeo a le mantsi a tlhabololo a a godisiwang ke mmuso. Phenyo gape e ikaegile mo tshegetsong ya baagi. Kago ya sanetasi e tshwanetse go agiwa ka bonako mo baaging gore baagi ba maatlafadiwe go aba mo lenaneong la sanetasi ya boset haba.
Mananeo a sanetasi a tla tokafatsa mathata a loago le saekholoji a a golaganeng le sanetasi e e bokoa. Matloboithusetso a a beilweng kwa kgakajana go tswa mo gae, ditlamelo tsa kopanelo tse di sa lekaneng, tsamaiso e e sa lekanang ya maswe le ditlwaelo tse dingwe tsa sanetasi di felela kwa tatlhegelong ya sephiri le seriti, tlhagiso le dikotsi tse di oketsegileng mo pabalelong ya motho.
Ke ka ntlha ya eng sanetasi e le botlhokwa?
Sanetasi e botlhokwa mo boitekanelong bo bo siameng. Mathata a boitekanelo a a amanngwang le sanetasi e e bokoa di a akaretsa letshololo, malamahubedu, letshoroma la mala, kholera, malaria, thotamadi, diboko, tshelo ya matlho, malwetse a letlalo le koketsego ya tshelo mo bathong ba ba nang le HIV. Sanetasi e e siameng e isa kwa tsholofelong e e oketsegileng ya botshelo.
Sanetasi e botlhokwa gape mo go tlholeng lehumo.
Ke mang yo o rweleng maikarabelo a sanetasi e e botoka?
Tokafatso ya sanetasi ke maikarabelo ya mongwe le mongwe. Batsayakarolo ba akaretsa baagi le malapa (ya ntlha le ya pele): dikonteraka tse di theilweng mo baaging; selegae, porofensi le mmuso wa boset haba, lephata la poraefete le diNGO.
Kwa magaeng Mmasepala wa Kgaolo kana Metro kana Mmasepala wa Selegae o tla nnale maikarabelo a magolo a go diragatsa go ya ka Thulaganyo ya Tlhabololo e e Kopantsweng (IDP) e Thulaganyo ya Tlhabololo ya Ditirelo tsa Metsi (WSDP) e leng karolo ya yona.
Kwa maemong a porofensi mmuso wa porofensi o tla neelana ka tshegetso go ya ka Diforamo tsa go rulaganya tsa Sanetasi ya Porofensi.
<fn>setswana_100727.txt</fn>
Tirisodikgoka kgatlhanong le baagi ba batswantle ke bosenyi!
Puso e ka se dumelele mofuta ofe kapa ofe wa tirisodikgoka kgatlhanong le mongwe le mongwe!
A re dirisaneng go tlhola botshelo jo bo botoka go botlhe ba ba nnang mo Aforika Borwa.
A re dirisaneng go aga bokgoni jwa rona le go tlhola ditiro.
A re dirisaneng go fenya bosenyi.
A re tlotleng botlhe bao ba etelang kgotsa ba nnang mo Aforika Borwa.
Fa o itse ka ga ditlhaselo dingwe tse di rulagantsweng kgatlhanong le baagi ba batswantle ba ba nnang mo Aforika Borwa, tsweetswee letsetsa seteišene sa mapodisi se se gaufi le wena kgotsa fa e le tshoganyetso letsetsa 10111.
Tirisodikgoka mo baaging ba batswantle ba ba nnang mo Aforika Borwa e ka se tswele ope mosola. Batho ba ba se nang molato go le gantsi ke batswasetlhabelo - disenyi go le gantsi di a ngwega. Fao o itse ka tiragalo ya bosenyi - e begele bothati jo bo maleba.
O se ke wa itseela molao.
Puso e ikuela mo baaging go nna ba thantse le go bega ditiragalo dingwe le dingwe tsa tirisodikgoka le letlhoo la batswantle.
Go tsholwa ga Sejana sa Lefatshe sa FIFA sa 2010 ka katlego go tsholeditse serodumo sa Aforika Borwa le kontinente kwa baa-ging ba boditšhabatšhaba. Naga e itemogetse koketsego e kgolo ya palo ya baeng mo nageng mme se se tokafaditse bokgoni jwa yone jwa dipeeletso tseo di tla tlholang ditiro.
Tirisodikgoka nngwe le nngwe mo nageng ya rona e tla busetsa morago diphitlhelelo tsotlhe tse re di dirileng mo go tsholeng Sejana sa Lefatshe. Lefatshe le re lebeletse thata jaanong.
Tirisodikgoka ga se tharabololo ya sepe.
<fn>setwana.txt</fn>
Re tlhoka thuso ya gago. Afrika Borwa e nnile le palo ee kwa godimo ya bolwetsi jwa mmoko (measles) mo dingwageng tse di fetileng go feta ngwaga o re tswang mo go o ne, mme re tla iphitlhela re le gare ga lewa la bolwetsi jo. Mmoko e ka nna bolwetsi jo bokotsi. Bo ka baka go foufala, mathata a go se utlwe sentle, tshwaetsego ya matshwafo, tshenyego ya boboko mme ebile motho o ka tlhokafala.
Mo nakong ya jaanong, bana ba le bantsi ba setse ba entilwe gangwe kgotsa gabedi kgatlhanong le mmoko mo dingwageng tsa bone tsa ntlha tse pedi tsa botshelo. Mme moento o, o ka dira mo baneng ba le 9 (robongwe) gotswa go ba le 10 (lesome) ba ba entilw eng. Ka jaalo, bontsi jw a bana ba ba sa entiwang kgotsa ba ente e sa dirang sentle mo go bona ba ka nna ba welwa ke bolwetsi jo ka matla.
Ka kgwedi ya May (Motsheganong) 2007 baoki ba tla, enta bana botlhe ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 5 (tlhano) mo dikolong le dicreche go ba fa moento wa Mmoko le marothodi a Polio. Marothodi a Polio o ne, a tla boelediw a gape ka June (Seetebosigo) 2007. Meento e mebedi e, e mosola thata mo botshelong jwa bana.
Ee! Ente tsa Mmoko le Polio di ntse di dirisiwamo Afrika Borwa go feta dingwaga di le 15. Palo e le nnye ya bana e nna le matshwenyegonyana a mogote kgotsa boshw ata (go sipoga) malatsi a le 7 - 10 morago ga go fiwa ente ya mmoko. Moento o, o bolokesegile thata.
Mongwe yo o kileng a entelwa mmoko gangwe kgotsa gabedi, a ka nna a entiwa gape, ga go kotsi epe e tla nnang teng.
Batsadi ba ba nang le ketsaetsego mabapi le ente ya Mmoko ba ka bona tshedimosetso go ngaka.
O ka dira eng...
Tlatsa foromo ya tumellano e efa tlase fa. E romele kwa sekolong kgotsa kwa crèche. Fa o na le dipotso, botsa mooki wa gago kwa kliniking e gaufi le wena.
Malwetsi a Mmoko lePolio a ka fedisiwa. O seke wa ineela go tshwarwa ke Mmoko. Nna o sireletsegile - entisa ngwana wa gago!
<fn>tsn_Article_National Language Services_A O NE O ITSE.txt</fn>
Tsweetswee bega dintsho tsa pelegi tse di tlhagelelang mo kgaolong ya lona.
Lefatshe ka bophara go tlhokofala bomme ba le 600 000 ngwaga mongwe le mongwe ka ntlha ya maemo a a amanang le boimana.
ya dintsho e tlhagelela mo dinageng tse di tlhabologang.
Mo Aforika Borwa, mo dipeleging dingwe le dingwe tse di 100 000 go tlhokofala basadi ba le 150.
Dintsho tse di utlwisa botlhoko ka ntlha ya gore bontsi jwa tsona ke tse di ka thibelwang.
Basadi ba ba mo mmeleng ba ba kileng ba nna le malwetse pele ba ima, segolo malwetse a pelo.
Mosadi mongwe le mongwe yo o mo mmeleng a ka feletsa a na le mathata ka paka ya boimana kgotsa ka nako ya pelego. Le gale, mabaka a a farologana.
Basadi ba ba fetileng dingwaga di le 34 ba tshwanetse go buisana le mooki kgotsa ngaka pele ba ima. Ba ba feditseng go belega ba ka akanya ka ga go tswala tšhupu ya pelegiso kgotsa balekane ba bone ba ka akanya ka ga go ntsha bontlhabongwe jwa tšhupu ya peo.
Basadi ba ba kileng ba ima makgetlho a le matlhano kgotsa go feta ba tshwanetse go ikgolaganya le mooki wa pelegiso kgotsa ngaka go tlhatlhobiwa ka botlalo pele ba ka ima.
Basadi ba ba nang le bolwetse jwa pelo ba tshwanetse go ikgholaganya le ngaka e e tlhokometseng mathata a bone a pelo pele ba ka ima. Basadi ba ba nang le malwetse a a tseneletseng a pelo ba rotloediwa go tswala tšhupu ya pelegiso.
Basadi ba ba imileng, ba ba kileng ba belega ka karo, ka gale ba tshwanetse go belegela kwa bookelong jo bo kgonang go dira karo ka nako nngwe le nngwe motshegare kgotsa bosigo.
basadi ba ba imileng mme ba tshwarwa ke tlhogo e e opang phetelela, ba dutla mo bosading, ba na le ditlhabi tse di tswelelang mo mpeng, ba hupelwa mowa kgotsa ba na le sere se se nkgang se se tswang mo bosading ba tshwanetse go ikgolaganya le tleliniki kgotsa bookelo jo bo gaufi ka bonako.
Rulaganya go ima fa go kgonagala, mme a belegisiwe ke mooki yo o nang le kitso.
Etela tleliniki e e gaufi ya selegae kgotsa ngaka go netefatsa morago ga go se tlhatswe gabedi ka tatelano.
Dirisa dikhontomo fa o tsena mo thobalanong fa o sa rulaganyetsa go nna moimana kgotsa fa o setse o le moimana.
Tshegetsa mosadi yo o mo mmeleng kwa gae ka paka ya boimana, fa a belega le morago ga go belega ngwana.
Tshegetsa le go bona mosola wa ketelo ya tleliniki/ngaka morago ga go belega.
Tshegetsa tleliniki ya selegae gore e tlamele tirelo e e gaisang.
<fn>tsn_Article_National Language Services_BASADI MO DIKABELONG TSA METSI (2005).txt</fn>
Mo temogong ya seabe se basadi ba nnileng le sona, mme ba tsweletse go nna le seabe mo lephateng la metsi mo Aforika Borwa, Lefapha la Merero ya Metsi le Dikgwa, ka tshegetso ya Khomišene ya Dipatlisiso ya Metsi le Setheo sa Metsi sa Aforika Borwa, ka tshegetso ya Khomišene ya Dipatlisiso ya Metsi le Setheo sa Metsi sa Aforika Borwa, le tshegeditse Basadi mo Dikabelong tsa Metsi ngwaga le ngwaga.
Seabe se segolo sa basadi tebang le metsi mo go fediseng lehuma, thuto le tlhabololo e e tswelelang kwa ditoropong le kwa metseng ya selegae.
Tsamaiso le go dira Pholisi.
Basupiwa ba maphata a, e ka nna motho ka nosi kgotsa setlhopha. Dikabelo di tla newa basadi ba ba boineelo, basadi ba ba dirileng sentle mo mofameng wa bone, mme ba nnile le seabe se se botlhokwa thata mo lephateng la metsi mo Aforika Borwa.
Botswerere jwa thotloetso.
Diforomo tsa go supa tse di tladitsweng di tshwanetse go amogelwa pele ga 15 Ngwanatseele 2004.
<fn>tsn_Article_National Language Services_BIRO YA BOTLHANKEDI.txt</fn>
Biro ya Botlhankedi e ikarabelela kwadiso ya dikemedi tsa tlhankelo jaaka sekano, dibetšhe le dikano tse dingwe jaaka difolaga, dikano, dimmetale le maina a diyunifomo tsa mekgatlho le ditheo. Ditiro tsa Biro ya Botlhankedi jaaka di tlhalosiwa mo go karolo 3 ya Molao wa Botlhankedi, 1962Molao No.
Diragatsa ditiro tse dingwe tse di jalo jaaka di ka abelwa go yona ke Tona, khansele ya Botlhankedi kana komiti ya Botlhankedi go ya ka Molao.
Mo godimo le go feta seabe sa tirokgolo ya botlhankedi, Biro ka Lenaneo la Tswelontle e ikarabelela go tumisa Matshwao a Bosetšhaba, go tlwaetsa matshwao a Tlhankelo go nna a Aforika ka patlisiso, le tshireletso ya Matshwao a Bosetšhaba jaaka thoto e e botlhale ya Naga. Dikatlego tsa Biro ya Botlhankedi di a bonala kwa tsweletsong e e atlegileng le kabo ya dithulaganyo tsa Bosetšhaba tse di ntšhwa; Folaga ya Bosetšhaba e ntšhwa, Sekano le Pina e e kopanetsweng.
Maikaelelo a go boloka diakhaefe ke go tlhomamisa phitlhelelo ya direkoto tse di leng tsa kgale go feta dingwaga tse di masomaamabedi mo setšhabeng. Tirelo ya Diakhaefe tsa Bosetšhaba le Direkoto e buletswe setšhaba go tloga Mosupologo go fitlha Labotlhano go tloga 8:00 - 16:00, le ka Lamatlhatso wa boraro wa kgwedi nngwe le nngwe go tloga 09:00 - 13:00.
Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Aforika Borwa di ne tsa tlhomiwa ka kitsiso ya Molao wa Diakhaefe tsa Bosetšhaba wa Aforika Borwa (Molao No. 43 wa 1996) jaaka o tlhabolotswe. Karolwana e ya peomolao e fetotse Tirelo ya Maloba ya Diakhaefe tsa Naga go nna Diakhaefe tsa Bosetšhaba tse maikemisetso; ditiro le kagego tsa tsona di bontshang thulaganyo e e fetileng polotiki ya tlhaolele.
Diakhaefe tsa Bosetšhaba di ikarabelela patlo, polokego le go godisa tiriso ya direkoto tsa setšhaba le tse e seng tsa setšhaba ka boleng bo bo tswelelang; tshegetso ya mokgwa wa bosetšhaba wa go bona gape tshedimosetso ya boakhaefe e e itirisang, maemo a go tshegetsa ditirelo tsa porofense tsa diakhaefe. Diakhaefe di bopa karolo ya botlhokwa ya ngwaoboswa ya bosetšhaba mme ke mokgwa wa go oketsa boitshupo jwa bosetšhaba, kago ya setšhaba le maatlafatso.
Diakhaefe gape ke kanala e kgolo e ka yona mebuso e ka bonwang e le maikarabelo kwa bathong. Ka phitlhelelo e e tokafaditsweng ya batho go ya diakhaefeng, dikgato tsa mmuso di a bonala. Ka go tshwana, diakhaefe di tshotse bopaki jwa buka bo bo tlhokegang go sireletsa baagi ka nosi le ditlhopha.
Karolo ya botlhokwa ya Diakhaefe tsa Bosetshaba ga e bontshe maitemogelo a bontsi jwa batho ba Aforika Borwa.
sekao. MaAforika Borwa ao a a ntseng a ikgatholositswe ke tlhaolele, basadi jj.. Diakhaefe tsa Bosetšhaba di simolotse mananeo a le mmalwa a ditiragalo tsa tiromolomo go kwala le go boloka maitemogelo a tlwaelo a batho mme ka jalo di tsaya karolo mo tiregong ya go bopa dikgopolo tse di kgobokantsweng tsa batho ba mefutafuta ba Aforika Borwa.
Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Filimi, Bedio le Modumo (NFVSA) ke bokaedi tlaleletso jwa Diakhaefe tsa Bosetšhaba. Taolelo ya NFVSA ke go kgobokanya, go boloka le go godisa dimatheriale tsa kutlo pono tse di tlhagisiwang mo le ka Aforika Borwa. Molao wa Peeletso wa Semolao (No. 54 wa 1997) o supa NFVSA jaaka lefelo la peeletso ya matheriale wa kutlo pono le le tlhagisitsweng mo Aforika Borwa.
Diakhaefe tsa Bosetšhaba di tshola direjisetara tsa bosetšhaba tsa direkoto tse e seng tsa setšhaba ka boleng jwa boakhaefe. Mo tlaleletsong di godisa tirisanommogo le thulaganyo magareng ga ditheo tse di amegang mo kgobokanyong le polokegong ya direkoto tse e seng tsa setšhaba.
Ka lenaneo la Tswelontle, Diakhaefe tsa Bosetšhaba di ikaelela go fitlhelela maloko a setšhaba a a sa itseng ka go nna teng ga diakhaefe kana ditiro. Tebo ya lenaneo le ke go oketsa tiriso ya diakhaefe ka go "isa diakhaefe kwa bathong" ka diketelo kwa ditheong tsa thuto le baagi mo Aforika Borwa le ka dipontsho, malatsi a pulo le tsamaiso ya tirelo e e nonofileng.
Diakhaefe tsa Bosetšhaba di tlhola le go tshola mokgwa wa tshedimosetso-phetogo o o dirang o o tla godisang phitlhelelo kwa tshedimosetsong go tlamela ditlhokego tsa tshedimosetso tsa mefutafuta go tshegetsa tsweletso ya baagi ka botlalo.
Mokgwa wa bosetšhaba wa tshedimosetso-phetogo mo Aforika Borwa o tshotse mefuta e e farologaneng ya dilaeborari le mekgatlho e mengwe ya tshedimosetso. Diakhaefe tsa Bosetšhaba gape di amana le Khansele ya Laeborari ya Bosetšhaba le Ditirelo tsa Tshedimosetso (NCLIS), Laeborari ya Bosetšhaba ya Aforika Borwa (NLSA), Laeborari ya Aforika Borwa ya Difofu (BLINDLIB), dilaeborari tseo tse di dirang jaaka mafelo a peeletso ya semolao, le Mokgatlho wa Aforika Borwa wa Badiri ba Difofu (SABWO).
Melao e e laolang ditiro tse tsa Diakhaefe tsa Bosetšhaba ke Molao wa Khansele ya Bosetšhaba ya Laeborari le Khansele ya Ditirelo tsa Tshedimosetso, 2001; Molao wa Bosetšhaba wa Laeborari wa Aforika Borwa, 1998; Molao wa Laeborari ya Aforika Borwa ya Difofu, 1998; le Molao wa Semolao wa Peeletso, 1997.
Molao wa Peeletso ya Semolao o tlhomamisa gore khophi e le nngwe ya tokomane nngwe le nngwe e e phasaladitsweng mo Aforika Borwa e romelwa kwa ntle ga tuelo kwa dipeeletsong go ralala naga. Ka Molao o, ngwaoboswa e e kwadilweng ya Aforika Borwa e a bolokiwa le go rebolelwa setšhaba.
<fn>tsn_Article_National Language Services_BOITLHOPHELO KA GA MOLAOTLHOMO (2003).txt</fn>
Jaaka o tlhagisitswe kwa Kokoanopeomolaong ya Bosetšhaba jaaka Molaotlhomo wa karolo ya bo 76; tlhaloso e e khutshwafaditsweng ya Molaotlhomo e e phasaladitsweng mo Kuranteng ya Mmuso No.
Mafoko a ditlhaka tse dikima a a mo masakaneng a sekwere a bontsha dintlha tse di tlogetsweng go tswa mo ditaolong tse di leng teng.
Go tlhabolola Boitlhophelo jwa Molao wa Phediso ya Boimana, gore go fetolwe go tswa mo maemong a dibebofatsi ke Tona go atlanegiswa ke Mokhuduthamaga (MEC); go rebola dibebofatsi tse di tlamelang ditirelo tsa pelegiso diura di le 24 mo go boning katlanegiso ya phediso ya ditirelo tsa pelegiso; go tlamela kwadiso ya tshedimosetso le tlhagiso ya dipalopalo; go kgontsha Mokhuduthamaga (MEC) go dira melawana; le go dira tshiamelo ya mabaka a a amanang le tsona.
mooki yo o kwadisitsweng" go tewa motho yo o kwadisitsweng jalo ka fa tlase ga Molao wa Booki, 1978 (Molao No. 50 wa 1978), mme a katisitswe go ya ka Molao o."
a le le kgotsofatsang ditlhokego le maemo a a tlhomamisitsweng ke Mokhuduthamaga ka kitsiso mo Kaseteng; le b le le atlanegisitsweng ke Mokhuduthamaga ka kitsiso mo Kaseteng.
Lefelo lengwe le lengwe la boitekanelo le le nang le tirelo ya palegiso ya diura di le 24, mme le kgotsofatsa ditlhokego le maemo a a kailweng mo karolwaneng (a), a ka fedisa boimana jwa go fitlha ka le go akaretsa dibeke di le 12 kwa ntlhe ga go tshwanelwa ke go bona tetla go tswa go Mokhuduthamaga.
Mokhuduthamaga o tla re gangwe ka ngwaga a neele Tona dipalopalo tsa mafelo a a rebotsweng mo ngwageng oo.
Ntle le sengwe se se kgatlhanong le Molao o, Tona a ka dira ditiro dingwe le dingwe tse di tshwanetseng go dirwa kgotsa go ka dirwa ke Mokhuduthamaga, fa go le botlhokwa go di dira go fitlhelela maikaelelo mangwe le mangwe a Molao o.
a tshola rekhoto ya tshedimosetso e e tlhokegang e a e amogelang go ya ka karolwana ; le b romela Mokaedikakaretso tshedimosetso e e kailweng mo temaneng ya a dikgwedi dingwe le dingwe tse thataro.
[Tona] Mokhuduthamaga, a ka nne a re ka mabaka a a ka a tlhomamisang ka go kwala, a rolela dithata dingwe le dingwe tse di neetsweng [Tona] Mokhuduthamaga ka kgotsa ka tiriso ya Molao o, go [Mokaedikakaretso] Tlhogo ya Lefapha kgotsa motlhankedi mongwe le mongwe yo o direlang Puso, ntle le thata e e kailweng mo karolong ya bo 9.
) Mokaedikakaretso Tlhogo ya Lefapha, a ka nne a re ka mabaka a a ka a tlhomamisang ka go kwala, a rolela dithata dingwe le dingwe tse di neetsweng Mokaedikakaretso Tlhogo ya Lefapha kgotsa motlhankedi mongwe le mongwe yo o direlang Puso, ka kgotsa ka tiriso ya Molao o kgotsa o o roletsweng mo go ene ka fa tlase ga karolwana (i).
[Tona kgotsa Mokaedikakaretso] Mokhuduthamaga kgotsa Tlhogo ya Lefapha ga a kitla a amogiwa dithata dingwe le dingwe tse di roletsweng, le go tlhabolola kgotsa go beelwa kwa thoko tshwetso nngwe le nngwe e e tserweng ke motho yo o diragatsang dithata tsa go nna jalo tse a di neetseng motho yoo.
[Tona] Mokhuduthamaga a ka nne a re ka ditherisano le Tona, a dira melawana e e amanang le ntlha nngwe le nngwe e a ka boning go le botlhokwa kgotsa mosola go e tlhagisa go fitlhelela maikemisetso a Molao o.
c thibelang phediso ya boimana semolao kgotsa yo o kgoreletsang phitlhelelo ya lefelo la phediso ya boimana; kgotsa d fedisang boimana kgotsa yo letlang phediso ya boimana kwa lifelong le le sa rebolwang go ya ka karolo 31, o tla bonwa molato wa tlolomolao mme a tshwanele ke go atlholwa faene kgotsa go ya kgolegelong sebaka se se sa feteng dingwaga di le lesome.
Molao o mogolo o tlhabolotswe ka kemisetso ya tlhagiso "mmelegisi yo o kwadisitsweng", fa e tlhagelelng teng, ya tlhagiso "mooki yo o kwadisitsweng".
Lefelo lengwe le lengwe le le tlhaotsweng go ya ka karolo 3 ya Molao o mogolo pele ga tshimologo ya Molao o, le tshwanetse go tsewa jaaka le le rebotsweng ke Mokhuduthamaga go ya ka karolo 3 (b) ya Molao o mogolo jaaka e tlhabolotswe ka Molao o.
Molao o o bidiwa Molao o o Tlhabolotsweng wa Boitlhophelo jwa Phediso ya Boimana, 2003, mme o tsena tirisong ka letlha le le tlhomamisitsweng ke Moporesidente ka kgoeletso mo Kaseteng.
dira gore e nne tlolomolao gore motho mongwe le mongwe a fedise boimana e se ka fa molaong kgotsa go letla go fedisiwa ga boimana kwa lifelong le le sa atlanegisiwang go ya ka Molao.
Karolo 1 e letla go tsenngwa ga ditlhaloso tsa 'Tlhogo ya Lefapha' le 'Mokhuduthamaga', le go emisetsa ga tlhaloso ya 'mmelegisi yo o kwadisitsweng' ka tlhaloso ya 'mooki yo o kwadisitsweng'.
c ka lona lebaka leo katlanegiso ya mafelo a a nang le tirelo ya pelegiso ya diura di le 24; le d tlamelo ya dipalopalo tsa katlanegiso ya mafelo.
Karolo 3 e letla go patelesega ga motsamaisi wa lefelo go kokoanya tshedimosetso jaaka e batlega, mme a e romele kwa go Tlhogo ya Lefapha, go sa akaretse leina la mosadi yo o amegang. Tlhogo ya Lefapha o tla patelesega go kwala tshedimosetso e e kailweng fa godimo, mme a tlamele Mokaedikakaretso ka tshedimosetso e dikgwedi dingwe le dingwe tse thataro.
Karolo 4 e amana le tholelo ya ditiro, mme e emisetsa ditlhagiso 'Tona' le 'Mokaedikakaretso' ka ditlhagiso 'Mokhuduthamaga' le 'Tlhogo ya Lefapha', ka tatelano.
Karolo 5 e neela Mokhuduthamaga maatla go dira melawana, e ka ntlha ya mabaka a tlhomamo le go tshwana, e e tla tshwanelang go atlanegisiwa ke Tona pele e ka tsenngwa tirisong.
Karolo 6, mo godimo ga ditlolomolao tse leng teng mo Molaong wa jaanong, e dira gore e nne tlolomolao go letla phediso ya boimana e se ka fa molaong, e ka tswa e le kwa lifelong kgotsa e dirilwe ke motho yo o sa newa dithata ke Molao.
Karolo 8 ke ya kgabaganyo, e e letlang mafelo a a tlhaotsweng go tswelela go dira jaaka e kete a ne a atlanegisitswe go ya ka tlhabololo.
Mafelo a tla atlanegisiwa ke Mokhuduthamaga wa porofense e nngwe le e nngwe, mme e seng go tlhaolwa ke Tona.
Melawana ka ga maemo le ditlhokego tsa katlanegiso ke Mokhuduthamaga e tla tlhamiwa ke diporofense. Melawana e tla tshwanela ke go rebolwa ke Tona, go netefatsa tlhomamo.
Mafelo a a nang le tirelo ya pelegiso diura di le 24 ga a kitla a kitla a tlhoka go dira kopo ya thebolo go dira tebang le boimana jwa go fitlha ka le go akaretsa dibeke di le 12 tsa go nna mo mmeleng. Boimana jo bo fetileng dibeke di le 12 ka jalo bo tla fedisiwa fela kwa mafelong a a nang le didiriswa tsa dithulaganyo tsa karo.
Dipalopalo tsa palo ya mafelo a a atlanegisitsweng le dithulaganyo tsa TOP's tse di dirilweng di tla fetisediwa kwa Lefapheng la Boitekanelo la bosetšhaba mo pakeng ya dikgwedi di le 12 le di 6, ka tatelano.
Dipegelo le tshedimosetso go tswa kwa mafelong ga di kitla ditlhola di fetisediwa kwa go Mokaedikakaretso, fela kwa di fetisediwa kwa go Tlhogo ya Lefapha.
Maikarabelo a Tona le Mokaedikakaretso a tla tsewa ke Mokhuduthamaga le Tlhogo ya Lefapha ka go latelana. Le gale, Tona o tla nna le dithata tsa go atlanegisa melawana go diragatsa Molao ka bokgoni.
Lefelo le motsamaisi wa lone le tla bo le tlola molao fa lefelo le dira TOP's mme le sa atlanegisiwa ke Mokhuduthamaga.
TOPs tsa badirisimelemo di tla laolwa ke ditlhokego tebang le dithulaganyo pele ga phitlhelelo ya dithulaganyo tsa karo. Gape go tla nna le dikaelo tsa TOP's tsa badirisimelemo.
Dintlha tsa dimametlelelo tse di tlhagisitsweng di ne tsa phasaladiwa mo Kuranteng ya Mmuso gore setšhaba se tshwaele. Ka ntlha ya gore dimametlelelo di sa ame go suta mo pholesing e kgolo, Lefapha le ne la tlhokomela fela ditshwaelo tse le di amogetseng.
Ntle le dikoketsego tse di solofetsweng tsa dikopo tsa TOP's, tse di tla lebisang kwa koketsegong tse dinnye tsa ditekanyetsokabo tsa maokelo, ga go a solofelwa mabaka a magolo a ditšhelete. Ditshenyegelo tse di amegang di tshwanetse go tlhokomelwa ke ditekanyetsokabo tse di neelwang mafelo ka kakaretso.
Moeletsi Semolao wa Puso le Lefapha la Boitekanelo ba na le mogopolo wa gore Molaotlhomo o, o tshwanetse go tlhokomelwa go ya ka thulaganyo e e tlhagisitsweng mo karolong 76 kgotsa ya Molaotheo, ka ntlha ya gore e wela mo maikarabelong a a kwadilweng mo Mametlelelong ya 4 ya Molaotheo, ebong "Ditirelo tsa Boitekanelo".
<fn>tsn_Article_National Language Services_BOTO YA MELAWANA YA DIKGOTLATSHEKELO.txt</fn>
Go ya ka karolo 14 ya Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso, 2000 (Molao 2 wa 2000) motlhankedi wa tshedimosetso wa mokgatlho wa setšhaba o tshwanetse go rulaganya manyuale o o tshotseng tshedimosetso nngwe e e rileng o o kwadilweng bonyane ka dipuo tse tharo tsa semmuso.
Boto ya Melawana ya Dikgotlatshekelo (Boto) , e bona dithata tsa yona go tswa mo Molaong wa Boto ya Melawana ya Dikgotlatshekelo, 1985 Molao wa 1985 Molao. Boto ke mokgatlho wa setšhaba jaaka go tlhagisitswe mo (b)(ii) tlhaloso ya "mokgatlho wa setšhaba", e bong setheo se se diragatsang dithata tsa kgotsa se se dirang tiro ya setšhaba ya peomolao nngwe le nngwe. Ka jalo Boto e itlhokomeletse phitlhelelo ya direkhoto tsa yona.
Boto e tlhomiwa go ya ka karolo 2 ya Molao.
Boikuelo e le monnasetulo.
b Moatlhodi kgotsa moatlhodi yo o rotseng tiro wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo, Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo jaaka motlatsa-monnasetulo.
d Babueledi advocates ba ba bedi ba ba mo tirong.
e Diagente attorneys tse pedi tse di mo tirong.
f Motlhatlheledi wa molao kwa yunibesithing mo Rephaboliking.
g Motlhankedi wa Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo.
h Batho ba ba sa feteng tharo ka palo ba, go ya ka monagano wa Tona ya Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo, ba nang le bokgoni go dira jaaka maloko a Boto.
i Maloko a a refosanang tebang le diagente le babueledi ba ba dirang.
Dikomiti a Karolo 5 ya Molao e letla gore go tlhomiwe dikomiti tsa Boto. Go na le maphata a mabedi: dikomiti tse di supiwang ke Boto, mme e le maloko a Boto fela, le dikomiti tse di nang le maloko a Boto, ba ba supilweng ke Tona, ba e seng maloko a Boto. Maikaelelo a lephata la bobedi ke go dirisa bokgoni jwa batho ba e seng maloko a Boto le go netefatsa go nna le seabe ka tlhamalalo ga setšhaba mo ditirong tsa Boto.
b Dikomiti tsa Boto di dira ditiro tse ba di neetsweng ke Boto kgotsa ke Tona, mme ba laolwa ke Boto.
xx ntlha nngwe le nngwe ka kakaretso e e ka tlhokegang kgotsa ya nna mosola go ka beelwa tsamaiso e e lolameng le tsamaiso ya ditiro tsa Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo, Dikgotlatshekelokgolo le dikgotlatshekelo tse di kwa tlase mo dithulaganyong tsa melatong ya selegae gammogo le ditsamaiso tsa bosenyi.
cc mokgwa le thulaganyo ya go fetisetsa ntlha nngwe le nngwe e e tswang mo dithulaganyong tse di amanang le topo e e amanang le topotuelo ya inšorense, le go supiwa, tuelo le dithata tsa motsereganyi.
c Boto e ka nna ya eletsa Tona ka ga taolo ya ditšhelete tsa dikgotlatshekelo tse di nnye, tekanyetso ya ditshenyegelo tsa go ya kwa molaong le ntlha nngwe le nngwe e e fetisetswang kwa Botong ya Tona.
Boto e thusiwa mo tirong ya yona ke bokwaledi jwa leruri jo bo bopilweng ke batlhankedi ba Lefapha la Bosiamisi le Kgotlatshekelo ya Tlhabololo.
Bokwaledi bo sekaseka le go batlisisa ditshwaelo le ditlhagiso tebang le tlhabololo ya melawana, e dira dikwalo tsa tiro, e baakanya dipaakanyo tse di kwadilweng go neelwa Boto le dikomiti tsa yona, le go tlamela Boto ka ditirelo tsa tshegetso ya tsamaiso.
Boto e supile Mokwaledi wa Boto, Moh E Steyn, jaaka motlhankedi wa tshedimosetso wa Boto.
a Mokopi o tla letliwa go fitlhelela direkhoto tsa Boto fa a kgotsofatsa dithokego tsotlhe tsa thulaganyo tsa molao wa phitlhelelo ya Tshedimosetso ke Setšhaba, mme phitlhelelo ya rekhoto eo ga e kitla e ganiwa ka mabaka mangwe a go gana a a kailweng mo Molaong o.
b Mokopi o tshwanetse go dirisa Foromo A ya Melawana e e phasaladitsweng mo Kaseteng ya Mmuso No. 23119 ya 15 Tlhakole 2002. Diforomo di bonwa go tswa go motlhankedi wa tshedimosetso wa Boto.
c Fa mokopi a sa kgone go buisa kgotsa go kwala kgotsa a na le bogole bongwe, mokopi wa go nna jalo a ka dira kopo ka puo. Motlhankedi wa Tshedimosetso wa Boto o tla tlaletsa mokopi wa go nna jalo Foromo A, mme a neele mokopi wa go nna jalo khopi ya teng.
Dituelo tse di batlegang di tlhagisitswe mo Melawaneng. Dintlha di bonwa fa o di kopa.
Jaaka go kailwe fa godimo, Boto e filwe maikarabelo a tlhabololo ya melawana ya Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo, Dikgotlatshekelokgolo le dikgotlatshekelo tse dingwe tse dinnye (dikgotlatshekelo tsa bomagiseterata).
Ka jalo ditirelo tsa yona ga di fiwe setšhaba, fela e se ka tlhamalalo, ka go dira gore thulaganyo ya bosiamisi e fitlhelelwe ke badirisi. Setšhaba kgotsa mekgatlho e e nang le kgatlhego ba ka romela ditlhagiso tebang le tlhabololo ya melawana ya Boto go sekwasekwa.
Setšhaba kgotsa maloko a ditlhopha tse di nang le kgatlhego ba ka dira ditlhagiso tse di kwadilweng, tse dinang le mabaka tebang le tlhabololo ya melawana ya kgotsatshekelo kwa Botong.
Ditlhagiso tsa go nna jalo di a batlisisiwa go latela kitsiso le thulaganyo ya tshwaelo, e ka yona ditshwaelo di kopiwang go tswa kwa go beng botlhe. Setšhaba kgotsa ditlhopha tse di amegang di itsisiwe ka ga kgatelopele kgotsa se a etelwa go bona ditshwaelo go ya pele ka ga ditlhagiso tsa sona. Fa go tlhokega, go tshwarwa dikopano le banni-le-seabe.
Ntlha e neelwa dikomiti tse di maleba tsa Boto go atlanegisa, mme morago di neelwa Boto e e feletseng go di sekaseka le go tsaya tshwetso. Setšhaba kgotsa ditlhopha tse di amegang di itsisiwe ka ga tshwetso ya Boto.
Boto ga e na dithulaganyo tsa boikuelo le dikgotlatshekelo di tla tshwanela ke go reediwa fa setlhopha se se amegang se batlang boikuelo mabapi le Boto kgotsa go retelelwa ga Boto go tsaya dikgato. Le gale, ga go sepe se se thibelang setlhopha sa go nna jalo go kopa Boto go sekaseka ditshwetso tsa yona.
Ga jaanong ga go na tshedimosetso go ya ka karolo 92 go supiwa fa.
Tshedimosetso, Khomišene ya ditshwanelo tsa Botho e tshwanetse go rulaganya kaedi e e tshotseng tshedimosetso ya go nna jalo ka dipuo tsotlhe, ka mokgwa o o tlhaloganyesegang le o o bonolo, jaaka o tlhokwa ke motho yo o batlang go diragatsa tshwanelo nngwe le nngwe e e kaiwang mo Molaong o.
<fn>tsn_Article_National Language Services_BOTSAMAISI BA BOSETèHABA BA TIKOLOGO (2003).txt</fn>
Jaaka o tlhagisitswe mo Kokoanopeomolaong ya Bosetšhaba jaaka karolo 75-Molaotlhomo; tshobokanyo e e itlhalosang ya Molaotlhomo o o phasaladitsweng mo Kuranteng ya Mmuso No.
Go tlamelela ka fa gare ga letlhomeso la Molao wa Bosetšhaba wa Tikologo, 1998, botsamaisi le tshomarelo ya ditshedi tsa mefutafuta tsa Aforika Borwa; tshireletso ya methalethale ya ditshedi tsa tikologo tse di tlhokang tshireletso ya bosetšhaba; tiriso e e tswelelang ya metswedi ya baoloji ya tlholego; go kgaogana go go siameng go go lekaneng ga ditshiamelo tse di tswang mo patlisisong ya botshelo jwa matheriale wa tlhago e e ntshiwang go tswa metsweding ya baoloji ya tlholego; tlhomo le ditiro tsa Setheo sa Ditshedi tsa Mefutafuta tsa Bosetšhaba sa Aforika Borwa; le merero e e amanang le seo.
a methalethale ya ditshedi e e seng methalethale ya ditshedi ya tlholego; kana b methalethale ya ditshedi ya tlholego e e sutiseditsweng kana e go ikaeletsweng go sutisediwa kwa lefelong le le kwa ntle ga phatlalatso ya tlholego ya setlhopha, fela e seng methalethale ya ditshedi tsa tlholego tse di okeditseng phatlhalatso ya tlholego ya setlhopha ka mekgwa ya tlholego ya khudugo kana kanamiso kwa ntle ga tsereganyo ya motho mefuta ya baoloji" kana "mefutafuta ya ditshedi" e kaya dipharologano magareng ga ditshedinyana tse di tshelang gi tswa metsweding yotlhe go akarediwa lefatshe, lewatle le ditshedi tsa tikologo tsa metsi tse dingwe le mararaane a ekholoji a e leng karolo mme go tsenyeletsa gape mefutafuta ka fa gare ga methalethale ya ditshedi, magareng ga methalethale ya ditshedi le ya ditshedi tsa ditikologo.
Lefapha le kaya.
mmasepala o kaya mmasepala o o tlhomilweng go ya ka Molao wa Mmuso wa Selegae, 1998 Molao Nomoro.
Molao wa Setšhaba wa Botsamaisi ba Ditšhelete o kaya Molao wa Setšhaba wa Botsamaisi ba Ditšhelete, 1999 Molao Nomoro.
methalethale ya ditshedi e e sa babalesegang e kaya methalethale ya ditshedi ya tlholego ya kwalo ya maina e e sa babalesegang go ya ka karolo 55.
Mo Molaong o, mafoko kana ditlhaloso tse di ntshitsweng go tswa mafokong kana ditlhalosong tse di tlhalositsweng mo karolo tlaleletsong 1 di na le bokao bo bo tsamaisanang kwa ntle ga fa diteng tiriso di bontsha gore bokao bo bongwe bo ikaeletswe.
a diragatsa, go somarela le go tsweletsa mefutafuta ya ditshedi ya Aforika Borwa, dikarolo tsa teng le metswedi ya tlhago; le b go diragatsa Molao o go fitlhelela boiphitlhelelo bo bo tswelelang go ya ditshwanelong tseo.
i metsi a teng a naga, karolo ya ikonomi e e tlhophologileng le šelefo ya kontinente jaaka e tlhalosiswa mo Molaong wa Dikarolo tsa Lewatle, 1994 Molao Nomoro 15 wa 1994; le ii Ditlhaketlhake tsa Prince Edward tse di supelwang mo Molaong wa Ditlhaketlhake tsa Prince Edward, 1948 Molao Nomoro 43 wa 1948; le b go ditiro tsa motho tse di amang mefutafuta ya baoloji ya Aforika Borwa le dikarolo tsa teng.
a mo mmusong wa bosetšhaba le didiko tsa selegae; le b mo mmusong wa sediko sa porofense, go ya ka karolo 146 ya Molaotheo.
Molao o o naya dithata kwa ditumalanong tsa boditšhabatšhaba tse di tlhomamisitsweng tse di amang mefutafuta ya ditshedi tse Aforika Borwa e leng Mokgatlho teng, le e e bofang Rephaboliki.
Molao o o tshwanetse go buisiwa le ditshiamelo dife tse di maleba tsa Molao wa Bosetšhaba wa Botsamaisi ba Tikologo.
Kgaolo 4 ya Molao wa Bosetšhaba wa Botsamaisi wa Tikologo e dira kwa tharabololong ya dithulano tse di tswang mo tiragatsong ya Molao o.
Tiragatso ya Molao o e tshwanetse go kaelwa ke ditheo tsa bosetšhaba tsa botsamaisi jwa tikologo tse di beilweng mo karolong 2 ya Molao wa Bosetšhaba wa Botsamaisi jwa Tikologo.
b molao wa porofense, thulano e tshwanetse go rarabololwa go ya ka karolo 146 ya Molaotheo; le c molao tlaleletso wa mmasepala, karolo ya Molao e a dira.
b molao wa porofense, thulano e tshwanetse go rarabololwa go ya ka karolo 146 ya Molaotheo; le c tlaleletso ya molao wa mmasepala, molao wa tlaleletso o o ntshitsweng go ya ka Molao o o a dira.
Go nna le tiragatso e e lolameng ya karolo tlaleletso 2b Tona o tshwanetse, go ya ka karolo 1466 ya Molaotheo a ise melao yotlhe ya tlaleletso e e ntshitsweng go ya ka Molao o e e amang diporofense kwa Khanseleng ya Bosetšhaba ya Diporofense go rebolwa.
thibelo ya ditiro tse di utlwalang mo mefutafuteng ya ditshedi le dikarolo tsa yona; le b go tsenya dikaedi go lebelela tsamaelano le ditlwaelo le maemo ao. 2 Pele ga go neelana ka ditlwaelo le maemo le go baya dikaedi go lebelela tsamaelano le ditlwaelo le bonno ba maemo ao. Tona o tshwanetse go rerisana le Tona ya Khansele ya Phetiso ya merero ya tikologo mo porofenseng nngwe le nngwe e mo go yona ditlwaelo le maemo di tla dirang.
b mo lefelong le le rileng fela; kana c kwa ditlhopheng tse di farologaneng tsa mefutafuta ya ditshedi fela.
a mafelo a a farologaneng; kana b ditlhopha tse di farologaneng tsa mefutafuta ya ditshedi.
Setheo sa Bosetšhaba sa Mefutafuta ya ditshedi sa Aforika Borwa fano se tlhomilwe.
Setheo ke motho wa molao.
i tse di se neetsweng go ya ka Molao o; kana ii jaaka go ka tlhalosiwa.
Fa Setheo go ya ka karolo tlaleletso 1 se neela keletso mo morerong wa saense se ka nna sa rerisana le sethwe sengwe le sengwe se se maleba sa naga kana setheo se sengwe se se nang le boitseanape mo morerong oo.
k sa dira ditiro tsa semolao, go tsenyeletsa ditiro tse di tsamaisanang le, kana mo boemong ba motho ofe yo mongwe kana sethwe sa naga; le l sa tsenya kana go sireletsa kgato efe ya molao.
b Mokaedi Kakaretso kana motlhankedi wa Lefapha yo o tlhomilweng ke Mokaedi-Kakaretso; le c Motlhankedi Mogolo wa Setheo.
a o tshwanetse go tlhomamisa palo ya maloko a a tla tlhomiwang go ya ka karolo tlaleletso 1a; le b a ka nna a fetola go tloga nako le nako e e tlhomamisitsweng go ya ka temana a, fela phokotso mo palong e ka dirwa fela fa phatlhatiro mo Botong e tlhagelela.
a ditshwetso tseo di tserweng ka lebaka la thomeletso go ya ka karolo 27; kana b koo Molao wa Botsamaisi ba Setšhaba sa Ditšhelete o tlamelelang ka tsela e nngwe.
a go lekanela le go nna motho yo o tsepameng go tshola ofisi jaaka leloko; le b go nna le borutegi bo bo maleba kana maitemogelo.
a Motho yo o mo ofising jaaka tokololo ya Palamente kana peomolao ya porofense; kana b Motho yo o tlositsweng mo ofising go ya ka karolo 21.
a ka diphasalatso mo medieng o o dikologang ka setšhaba le mo porofenseng nngwe le nngwe, a laletse dikgetho tsa tlhomo jaaka tokololo e e jalo; le b go kgobokanya lenane la maina a batho ba ba ikgethetsweng, go baya dintlha tse di tlhalositsweng tsa moikgethelwa mongwe le mongwe.
b dintlha tsa borutegi tsa moikgethelwa kana maitemogelo; le c tshedimosetso efe kana efe e e ka tlhalosiwang.
a palo e e tlhokegang ya batho go tswa lenaneng le le kgobokantsweng go ya ka karolo tlaleletso1c; le b fa lenane le le jalo le sa lekana, motho mongwe le mongwe yo o maleba.
a go rerisana le Tona ya Khansele ya Phetiso ya merero ya tikologo; le b go nna le phisegelo kwa tlhokegong, ya go tlhoma batho go godisa kemeditekano.
Ditlhomo di tshwanetse go dirwa ka tsela e e leng gore Boto e tshotse batho ba ba akaretsang boatlhamo bo bo sephara jwa bomaitseanape mo lephateng la mefutafuta ya ditshedi.
Nako le nako fa go tlhokega Tona o tshwanetse go tlhoma tokololo ya Boto jaaka Modulasetulo wa Boto.
Modulasetulo o tlhomiwa nako jaaka go ka tlhomamisiwa ke Tona e e ka, mo lebakeng la tokololo e e tewang mo go karolo131a, le le sa yeng go feta nako ya gagwe jaaka tokololo.
a modulasetulo a se teng nako e e utlwalang; kana b tlhomo ya modulasetulo e sa eme.
b mo pheletsong ya nako eo, a dumelelwa go tlhomiwa gape nako e le nngwe ya tlaleletso ya dingwaga tse tharo; le c a ka nna a nna le ditlhomo tsa bona go ya ka temana a kana b e atolositswe ke Tona mo nakong e e rileng e e sa feteng ngwaga o le mongwe.
Tona o tshwanetse go tlhomamisa maemo a maloko a Boto a a tewang mo go karolo 13 (a).
a Tona a ka nna a, ka tumalano le Tona ya ditšhelete, a a tlhomamisa nako le maemo a thapo a maloko a Boto a a seng mo thapong ya Mmuso.
b Mogolo le tetlo di duelwa ke Setheo.
Maloko a a thapilweng ke Mmuso ga a dumelelwa mogolo le ditetla, mme a tshwanetse go busediwa ditshenyegelo tsa ona tsa sekgwama ke Setheo.
Maloko a a jalo a tlhomiwa mo theong ya nakwana.
c le ntse le ka se dirise maemo, dineo tsa monate kana kitso ya leloko ya go ungwa ka poraefete kana go dira gore motho yo mongwe a bone tshiamelo e se ka fa tshwanelong; le d le ntse le ka se dire ka tsela e nngwe esele e e fokotsang botshepegi, go se tseye letlhakore, kemonosi kana boseriti ba Setheo.
Leloko la Boto le le gatakang kana le tlholega go tsamaisana le karolo tlaleletso 1 le molato wa maitsholomabe.
b ikgolola c a tlosiwa mo ofising go ya ka karolo 21.
Leloko le ka ikgolola fela ka go neela kitsiso e e kwadilweng bogolo mo dikgweding tse tharo kwa go Tona, fela Tona a ka nna a amogela nako e khutshwane mo lebakeng le le rileng.
c go jewa dithoto; kana d go bonwa molato wa bosenyi kwa ntle ga kgetho ya kotlhao.
Leloko la Boto le ka tlosiwa go tswa ofising ka mabaka a maitsholomabe kana go sa kgonang fela morago ga phitlhelelo ya seo e dirilwe ke boto ya dipotsiso e e tlhomilweng ke Tona.
Tona a ka nna a emisa nakwana leloko le le batlisisiwang go ya ka karolo e.
a mo lebakeng la Modulasetulo yo o tlogang, ka go tlhoma leloko le lengwe go ya ka karolo 161 jaaka Modulasetulo b mo lebakeng le leloko le tlogela le le tewang mo go karolo131a, ka go latela tsamaiso e e beilweng mo go karolo 15.
Motho yo o tlhomilweng go tlatsa phatlatiro o tshola ofisi mo karolong e e setseng ya nako ya go tlogela Modulasetulo kana leloko.
Modulasetulo wa Boto o swetsa gore Boto e kopane leng le gore kae, fela bontsi ba maloko a ka kopa Modulasetulo ka go kwala go bitsa kopano ya Boto ka nako le lefelo le le beilweng mo kopong.
Modulasetulo o etelela pele kwa dikopanong tsa Boto, fela fa a se teng kwa kopanong, maloko a a leng teng a tshwanetse go tlhopha leloko le lengwe go etelela pele kwa kopanong.
Boto e ka nna ya tlhomamisa ditsamaiso tsa yona go ya ka ditshiamelo tsa Molao o.
Boto e tshwanetse go tshola direkoto tsa ditsweletso tsa yona le ditshwetso tse di tserweng.
Bontsi ba maloko a Boto a a dirang ka nako e e maleba a bopa khoramo ya kopano ya Boto.
Morero fa pele ga Boto o swediwa ke dibouto tsa bontsi ba maloko a a teng kwa kopanong.
Fa mo morerong ofe kana ofe fa pele ga Boto go na le tekano ya dibouto, leloko le le eteletseng pele kwa kopanong le tshwanetse go diragatsa go dira bouto mo tlaleletsong kwa boutong ya motho yoo jaaka leloko.
Boto e ka nna ya tlhoma komiti e le nngwe kana go feta go thusa mo tiragatsong ya ditiro tsa yona kana tiragatso ya dithata tsa yona.
Fa go tlhomiwa maloko kwa komiting, Boto ga e kganelelwe kwa malokong a Boto.
c e ka nna ya tlosa leloko la komiti go tswa ofising ka nako nngwe le nngwe, go lebeletswe ditshiamelo tsa Molao wa Kgodiso ya Botsamaisi jwa Tolamo, 2000Molao Nomoro 3 ya 2000; le d e tshwanetse go tlhomamisa tsamaiso ya komiti.
Boto e ka nna ya thuba komiti nako nngwe le nngwe.
a Karolo 18 e buisiwa le phetolonyana e e tlhokegang jaaka diteng tiriso e dira kwa mabakeng le maemong a thapo ya maloko a komiti.
b Leloko la badiri la setheo le le tlhomilweng mo komiting go dira mo komiting go ya ka mabaka le maemo a thapo ya motho yoo.
b komiting e e tewang mo karolong 26; kana c leloko la badiri la Setheo.
c tlhomamiso ya pholese ya thapo go ya ka karolo 291; le d go tlhomiwa ga ditekanyetso tsa ditšhelete go ya ka karolo 29 2 kana 3.
c ga e tlose maikarabelo a Boto malebana le tiragatso ya dithata tse di rometsweng kana go diragalela tiro nngwe le nngwe e e romeletsweng; le d ga e thibele tiragatso ya dithata tse di rometsweng kana go diragatsa tiro e e romeletsweng ya Boto..
Boto e ka dumela, ya farologana kana ya fetola tshwetso e e tserweng mo tatelong ya thomelelo go ya ka karolo e, go ya ka ditshwanelo dife tse di ka bong di tsweletse kwa mothong ka ntlha ya tshwetso.
Boto, e dira ka kutlwano le Tona, e tshwanetse go tlhoma motho ka borutegi bo bo maleba le maitemogelo jaaka Motlhankedi Mogolo wa Setheo.
a o tlhomiwa sebaka se se fetang dingwaga tse tlhano; le b a ka nna a tlhomiwa gape ke Boto ka kutlwano le Tona, fela e nne sebaka sa tlaleletso se le sengwe se se sa feteng dingwaga tse tlhano.
Motlhankedi Mogolo o thapilwe go ya ka mabaka le maemo a a jalo a thapo jaaka Boto e ka tlhomamisa go ya ka pholese e e rebotsweng ke Tona ka kutlwano le leloko la Kabinete le le ikarabelelang ditšhelete.
b o tshwanetse go dira ditiro tse di jalo mme a ka diragatsa dithata tse di jalo jaaka Boto e ka mo romeletsa; le c o tshwanetse go begela Boto mo dintlheng tsa botsamaisi, tiragatso ya ditiro le tiragatso ya dithata, ka dikgala tse di jalo le ka mokgwa o o jalo, jaaka Boto e ka tlhomamisa.
i o na le dithata le ditiro tsa Motlhankedi Mogolo; le ii o thapilwe go ya ka mabaka ao le maemo a thapo jaaka Modulasetulo a ka tlhomamisa go ya ka pholese e e boletsweng mo karolo tlaleletsong 3.
Boto, e dira ka kutlwano le Tona, e tshwanetse go tlhomamisa pholese ya thapo ya Setheo.
a ka fa teng ga ditekanyetso tsa ditšhelete tse di beilweng ke Boto, o tshwanetse go tlhomamisa tlhomo ya badiri e e botlhokwa mo tirong ya Setheo; le b a ka tlhoma batho mo diposong mo tlhomong ya badiri.
Mothapiwa wa Setheo o thapiwa go ya ka mabaka le maemo a thapo tse di tlhomamisitsweng ke Motlhankedi Mogolo go ya ka pholese ya thapo ya le ka fa gare ga ditekanyetso tsa ditšhelete tse di beilweng ke Boto.
a Motho mo tirelong ya sethwe sa naga se sengwe a ka nna a adimiwa go ya Setheong ka tumalano magareng ga Motlhankedi Mogolo le Sethwe sa naga se se jalo.
b Batho ba ba adimilweng go ya Setheong ba dira ditiro tsa bona ka fa tlase ga tlhokomelo ya Motlhankedi Mogolo.
Motho mo tirelong ya Setheo a ka nna ka tumelelo ya motho yoo, a adimiwa go ya sethweng se sengwe sa naga ka tumalano magareng ga Motlhankedi Mogolo le sethwe sa naga se se jalo.
Setheo ke seemanosi sa setšhaba sa mabaka a Molao wa Setšhaba wa Botsamisi ba Ditšhelete, mme se tshwanetse go tsamaisana le ditshiamelo tsa Molao oo.
f lotseno lo lo tswang lo lo boletsweng mo dikarolong 32; le g madi a a tswang motsweding o mongwe le o mongwe osele, go ya ka Molao wa Setšhaba wa Ditšhelete.
a go ikaegilwe ka pholese ya peeletso efe kana efe e e ka tlhalosiwang go ya ka karolo 74 ya Molao wa Setšhaba wa Botsamaisi wa Ditšhelete; le b ka tsela e e jalo e Tona a ka e rebolang.
a tshingwana ya bosetšhaba ya bothani; kana b karolo ya tshingwana ya bosetšhaba ya bothani.
Mafelo a a tlhalositsweng mo Mametlelelong 1 ya Molao wa Dikgwa, 1984 Molao Nomoro 122 wa 1984. A tshwanetse go tsewa jaaka a a tlhomamisitsweng jaaka ditshingwana tsa bosetšhaba tsa bothani go ya ka karolo e.
Tlhomamiso ya lefatshe la naga jaaka tshingwana ya bosetšhaba ya bothani, kana karolo ya tshingwana ya bosetšhaba ya bothani e e leng teng, e ntse e ka se gogelwe morago le karolo ya tshingwana ya bosetšhaba ya bothani mo lefatsheng la naga e ntse e ka se kgapelwe thoko go tswa go yona ntle le tshwetso ya Ntlo ya Palamente.
d o tshwanetse go tlhomamisa ditekanyetso mo dituelong tse di bidiwang ke Setheo mo tiragatsong ya ditiro le tiro ya dithata le ditiro; le e a ka lemoga lefatshe la ditshingwana tsa setšhaba tsa bothani tse e leng dikatoloso go ya ditshingwaneng tsa bothani tse di leng teng.
Setheo se tshwanetse go diragatsa dithata tsa sona le go dira ditiro go ya ka tlwaelo le maemo, dikaelo le ditlhomamiso tse di ntshitsweng ke Tona go ya ka karolo tlaleletso 1.
Mo tiragalong ya go se nne teng ga Boto e e dirang dithata le ditiro tsa Boto di boela kwa go Tona yo mo lebakeng le le jalo, a tshwanetseng go diragatsa dithata tseo le go dira ditiro tseo go fitlha Boto e dira gape.
a tlamela thulaganyo e e rulagantsweng e e golaganang ya mefutafuta ya ditshedi b tlamelela go tlhokomela maemo a tshomarelo ya dikarolo tse di farologaneng tsa mefutafuta ya ditshedi tsa Aforika Borwa; le c godisa patlisiso ya mefutafuta ya ditshedi.
c o tshwanetse go thadisa letlhomeso bogolo dingwaga tse tlhano dingwe le dingwe, le d a ka nna, fa go tlhokega, a mametlelela letlhomeso.
Tona o tshwanetse, ka kitsiso mo Kuranteng, a phasalatse letlhomeso la bosetšhaba la mefutafuta ya ditshedi le mametlelelo nngwe le nngwe ya letlhomeso.
c go lemoga mafelo a a tlang pele a kgato ya tshomarelo le tlhomo ya mafelo a a sireleditsweng; le d go lebelela morago tirisanommogo ya dikgaolo mo mererong e e amang botsamaisi ba mefutafuta ya ditshedi mo Aforika Borwa.
Letlhomeso la bosetšhaba la mefutafuta ya ditshedi le ka nna la tlhomamisa ditlwaelo le maemo tsa maano a tshomarelo ya tikologo ya porofense le mmasepala.
a a tlhomamisa kgaolo ya thutafatshe jaaka kgaolo ya ditshedi ka mabaka a Molao o fa kgaolo e tshotse gotlhe kana ditshedi tsa tikologo di le mmalwa tse di agileng mme e laolelwa ke dibopego lefatshe la tsona, seapesa dimela, setso sa batho le hisitori; le b go phasalatsa leano la botsamaisi ba mefutafuta ya ditshedi le dikarolo tsa mefutafuta ya ditshedi mo kgaolong e e jalo.
a ka maitshimololelo a mong fela morago ga go rerisana le Tona ya Khansele ya Phetiso ya merero ya tikologo mo porofenseng e e maleba; kana b ka kopo ya porofense kana mmasepala.
Tona ya Khansele ya Phetiso ya merero ya tikologo a ka nna a tlhomamisa kgaolo jaaka kgaolo ya ditshedi le go phasalatsa leano la ditshedi tsa kgaolo tsa kgaolo eo fela ka kutlwano ya Tona.
Motho ofe kana ofe kana sethwe sa naga se ka, ka kopo ya Tona kana Tona ya Khansele ya Phetiso, a thusa mo paakanyong ya leano la ditshedi tsa kgaolo.
a a ka nna a tsenya mo tumalanong le naga e e gaufi go bona tiragatso ya leano e e dirang; le b o tshwanetse go tlisa kwa Palamenteng khophi ya tumalano efe kana efe e e tsenetsweng go ya ka temana a.
letlhomeso la bosetšhaba la mefutafuta ya ditshedi; le iv ditumalano tsa boditšhabatšhaba tse di maleba dife kana dife tse di tlamang mo Rephaboliking.
Tona kana Tona ya Khansele ya Phetiso ya merero ya tikologo mo porofenseng e e maleba, jaaka go ka nna maleba, o tshwanetse go thadisa leano la ditshedi tsa kgaolo le le phasaladitsweng go ya ka karolo 40 (b) bogolo dingwaga dingwe le dingwe tse tlhano, le go sekaseka tsamaelano le leano le kelo e mo go yona maikemisetso a teng a fitlhelelwang.
Tona kana Tona ya Khansele ya Phetiso a ka, fa go tlhokega, ka kitsiso mo Kuranteng, a mametlelela leano la ditshedi tsa kgaolo kana melelwane ya kgaolo ya ditshedi.
Tona ya Khansele ya Phetiso a ka nna a mametlelela leano la ditshedi tsa kgaolo kana melelwane ya kgaolo ya ditshedi fela ka kutlwano le Tona.
i ya kwalo ya maina go ya ka karolo 55; kana ii e e sa kwalwang maina go ya ka karolo 55 fela e e sa tlhokeng tlhokomelo e e kgethegileng ya tshomarelo; kana c methalethale ya ditshedi e e fudugang go neela tlhomamo mo ditlamegong tsa Rephaboliki go ya ka tumalano ya boditšhabatšhaba e e tlamang mo Rephaboliking.
Pele go rebolwa leano la lokwalo lwa botsamaisi ba mefutafuta ya ditshedi, Tona o tshwanetse go supa motho yo o maleba, mokgatlho kana sethwe sa naga se se ineetseng go nna maikarabelo a go diragatsa leano.
b go tlhomamisa mokgwa wa tiragatso ya leano; le c go neelana ka maikarabelo a tiragatso ya leano kwa mothong, mokgatlho kana sethwe sa naga se se lemogilweng go ya ka karolo tlaleletso 2.
maano a mangwe afe kana afe a a baakantsweng go ya ka peomolao ya bosetšhaba kana porofenseng e e amegang; le viii ditumalano tsa boditšhabatšhaba dife kana dife tse di maleba tse di tlamang mo Rephaboliking.
Tona o tshwanetse go thadisa leano la mefutafuta ya ditshedi le le phasaladitsweng go ya ka karolo 43 bogolo dingwaga dingwe le dingwe tse tlhano, le go sekaseka tsamaelano le leano le boleng bo maikemisetso a teng a a fitlhelelwang.
Tona, e ka nna ka maitshimololelo a gagwe kana ka kopo ka motho yo o nang le kgatlhego, mokgatlho kana sethwe sa naga, a ka nna ka kitsiso mo Kuranteng, a mametlelela leano la botsamaisi ba mefutafuta ya ditshedi e e phasaladitsweng go ya ka karolo 433.
a le motho, mokgatlho le sethwe sa naga se se diragatsang leano; le b sethwe sengwe le sengwe seo ditiro tsa sona di amang tiragatso ya leano.
Pele ga go tshola kana thebolo ya letlhomeso la bosetšhaba la mefutafuta ya ditshedi, leano la kgaolo ya ditshedi kana leano la botsamaisi ba mefutafuta ya ditshedi kwa leanong la mametlelelo e e jalo, Tona o tshwanetse go latela tirego ya ditherisano go ya ka dikarolo 96 and 97.
Pele ga go tshola leano la kgaolo ya ditshedi, kana mametlelelo efe kana efe kwa leanong le le jalo, Tona ya Khansele ya Phetiso ya merero ya tikologo mo porofenseng e e maleba o tshwanetse go latela tirego ya ditherisano e e botlhokwa go ya ka dikarolo 96 and 97.
c matlhomeso afe kana afe a a laolang le tlhabololo go ya ka molao o o laolang tsamaiso ya tiriso ya lefatshe, tlhabololo ya lefatshe le thulaganyo e e amang tse di laolwang ke leloko la Kabinete le le ikarabelelang merero ya lefatshe; le d maano afe a mangwe go ya ka molao wa bosetšhaba kana porofense e e amegang.
b go tsenya mo leanong leo ditshiamelo tseo tsa letlhomeso la bosetšhaba la mefutafuta ya ditshedi kana leano la kgaolo ya ditshedi le le dirang mo go lona; le c go bontsha mo leanong la teng ka fao letlhomeso la bosetšhaba la mefutafuta ya ditshedi le leano lefe kana lefe la kgaolo ya ditshedi le le dirang le ka diragadiwang ke sethwe seo sa naga kana mmasepala.
a thusa Tona le ba bangwe ba ba amegang mo paakanyong ya letlhomeso la mefutafuta ya ditshedi, leano la kgaolo ya ditshedi kana leano la botsamaisi ba kgaolo ya ditshedi go tsamaisana le karolo tlaleletso 1; le b dira dikatlenegiso kwa dithweng tsa dinaga kana bommasepala ba ba supelwang mo karolo tlaleletsong 2 eo le letlhomeso la bosetšhaba la mefutafuta ya ditshedi le leano lefe kana lefe le le dirang la kgaolo ya ditshedi.
a maemo a tshomarelo a dikarolo tse di farologaneng tsa mefutafuta ya ditshedi tsa Aforika Borwa; le b ditlwaelo dife kana dife tse di bosula le tse di siameng tse di amang maemo a tshomarelo a dikarolo tse di farologaneng.
Tona a ka nna a tlhoka motho ofe kana ofe, mokgatlho kana sethwe sa naga se se amegang go ya ka karolo tlaleletso 1 mo go tlhokomelong merero e e boletsweng mo karolo tlaleletsong eo go begela ka gale kwa go Tona ka dipoelo tsa go tlhokomela go go jalo go go lekanyeditsweng kgatlhanong le ditshupo tse di tlhomamisitsweng e sale gale.
a ka ngwaga a begele kwa Palamenteng ka tshedimosetso e e rometsweng kwa go Tona go ya ka karolo tlaleletso 2; le b go dira tshedimosetso e e jalo go nna teng mo phatlhalatseng.
Tona o tshwanetse go godisa patlisiso e e dirilweng ke Setheo le ditheo tse dingwe mo tshomarelong ya mefutafuta ya ditshedi, go tsenyelediwa tiriso e e tswelelang, tshireletso le tshomarelo ya metswedi ya baoloji ya tlholego.
c tlhomamiso ya ditlhokego le ditlapele tsa tshomarelo ya mefutafuta ya ditshedi; le d tiriso e e tswelelang, tshireletso le tshomarelo ya metswedi ya baoloji ya tlholego.
c go neela bokgoni kwa ditlamegong tsa Rephaboliki ka fa tlase ga ditumalano tsa boditšhabatšhaba tse di laolang kgwebo ya boditšhabatšhaba mo dikaong tsa bontsi tsa methalethale ya ditshedi e e mo kotsing; le d go tlhomamisa gore tiragatso ya mefutafuta ya ditshedi e diragadiwa ka tsela ya ekholoji e e tswelelang.
c ditshedi tsa tikologo tse di gobadiwang, e le ditshedi tsa tikologo dife kana dife tse di nang le kotsi e e kwa godimo ya go tsamaya kwelotlase e e botlhokwa ya sebopego ya ekholoji, tiro kana boleng ka ntlha ya tsereganyo ya motho, le fa e se ditshedi tsa tikologo tse di mo kotsing e e masisi kana ditshedi tsa tikologo tse di mo kotsing; le d ditshedi tsa tikologo tse di sireleditsweng, e le ditshedi tsa tikologo tse e leng tsa boleng jo bo kwa godimo jwa tshomarelo e e jalo kana botlhokwa jwa bosetšhaba, le fa di sa kwalwa ka maina go ya ka ditemana a, b kana c.
Lenane le le tewang mo karolo tlaleletsong 1 le tshwanetse go tlhalosa ka dintlha tse di lekaneng lefelo la ditshedi tsa tikologo dingwe le dingwe mo lenaneng.
Tona le Tona ya Khansele ya Phetiso ya merero ya tikologo mo porofenseng efe kana efe e e maleba e tshwanetse go thadisa, ka tatelano, manane a bosetšhaba le a porofense a a phasaladitsweng go ya ka karolo tlaleletso 1 bogolo morago ga dingwaga di le tlhano dingwe le dingwe.
Tona a ka phasalatsa kana a mametlelela lenane la porofense fela ka kutlwano le Tona.
Tona a ka nna a, ka kitsiso mo Kuranteng a lemoga tirego fe kana efe tiro mo ditsheding tsa tikologo tsa kwalo ya maina jaaka tirego e e tshosetsang.
Tirego e e tshosetsang e e lemogilweng go ya ka karolo tlaleletso 1 e tshwanetse go tsewa jaaka tiro e e tlhalositsweng e e akanngwang mo karolong 242b ya Molao wa Bosetšhaba wa Botsamaisi wa Tikologo mme ditshedi tsa tikologo tsa kwalo ya maina di tshwanetse go tsewa jaaka lefelo le le lemogilweng ka maikaelelo a karolo eo.
Setheo sa naga se se tshwanetseng go baakanya tiragatso ya tikologo kana leano la botsamaisi ba tikologo go ya ka Kgaolo 3 ya Molao wa Bosetšhaba wa Botsamaisi jwa Tikologo, le mmasepala o o tshwanetseng go tshola leano la tlhabololo e e tshwaraganeng go ya ka Mmuso wa Selegae: Molao 2000 wa Ditsela tsa Mmasepala (Molao Nomoro 32 wa 2000) o tshwanetse go lebelela tlhokego ya tshireletso ya ditshedi tsa tikologo tsa kwalo ya maina.
Tona kana Tona ya Khansele ya Phetiso ya merero mo porofenseng efe kana efe e e maleba a ka nna ka kitsiso mo Kuranteng, a mametlelela kana go phimola Kitsiso efe kana efe e e phasaladitsweng ke ena go ya ka karolo 51 kana 52.
c methalethale ya ditshedi e e gobadiwang, e le methalethale ya ditshedi ya tlholego e e lebaganeng le kotsi e e kwa godimo e e feteletseng mo go tse di tlhaga mo isagong ya lobaka lo lo fa gare, le fa e se methalethale ya ditshedi e e tshosediwang mo go kotsi kana methalethale ya ditshedi e e tshosediwang; le d methalethale ya ditshedi e e sireleditsweng, e le methalethale ya ditshedi e e leng ya boleng ba tshomarelo bo bo kwa godimo kana botlhokwa jwa bosetšhaba gore e tlhoka tshireletso ya bosetšhaba, le fa e sa kwalwa ka maina go ya ka dtemana a, b kana c..
Tona o tshwanetse go thadisa manaane a a phasaladitsweng go ya ka karolo tlaleletso 1 bogolo dingwaga dingwe le dingwe tse tharo.
Motho a ka, kwa ntle ga tumelelo e e ntshitsweng go ya ka Kgaolo 7 a dira tiro e e lekanyeditsweng e e amang sepesimene sa methalethale ya ditshedi ya kwalo ya maina e e tshosediwang kana e sireleditswe.
a e e leng ya boleng bo bo ka nnang ba ama ka fa go sa siamang mo phalolong ya methalethale ya ditshedi ya kwalo ya maina e e tshosediwang kana e sireleditswe; le b e e tlhalositsweng mo kitsisong.
Karolo tlaleletso 1 ga e dire malebana le sepesimene sa methalethale ya ditshedi ya kwalo ya maina e e tshosediwang kana e e sireleditsweng e e rwalang go tswa ka kwa ntle ga Rephaboliki mo phetisong go ralala Rephaboliki go ya bogoregelong ka kwa ntle ga Rephaboliki, fa e le gore phetiso e e jalo go laola go ralala Rephaboliki e diragala ka fa tlase ga taolo ya motlhatlhobi wa botsamaisi ba tikologo.
Tona a ka, ka kitsiso mo Kuranteng a mametlelela kana a phimola kitsiso efe kana efe e e phasaladitsweng go ya ka karolo 55 or 56.
e a ka nna a dira tshedimosetso le dikwalo tse di amanang le tumalano ya boditšhabatšhaba e e jalo go nna teng mo phatlhalatseng; le f a ka nna a tlhagisa mokgwa wa kwadiso ya ditheo, ditiro tsa thuo, makidi a dimela, ditiro tsa go tsadisa tsa botshwaro le ditlamelwana tse dingwe.
Tona o tshwanetse go tlhoma bothati ba saense ka mabaka a go thusa mo go laoleng le go lekanyetsa kgwebo mo dikaong tsa bontsi tsa methalethale ya ditshedi ya kwalo ya maina e e tshosediwang kana e e sireleditsweng.
Setheo se tshwanetse go tlamela tshegetso ya lojisetiki, tsamaiso le ditšhelete gore go nne le go dira go go lolameng ga bothati ba saense.
i e e tlhalositsweng; kana ii e e rometsweng kwa go bona ke Tona go ya ka karolo 47D ya Molao wa Bosetšhaba wa Botsamaisi ba Tikologo ; le i bo dirana le morero o mongwe ofe kana ofe o o tlhokang wa, kana ka kwelano e e utlwalang mo dithateng le ditirong tsa bona,.
a go baya diphitlhelelo tsa bona, dikatlanegiso le keletso mo thadisong ya saense le ya porofešenale ya tshedimosetso e e leng teng; le b go rerisana, fa go tlhokega dithwe tsa naga, lephata la poraefete, mekgatlho e e seng ya mmuso, baagi ba selegae le banna le seabe ba bangwe pele go dirwa diphitlhelelo dife kana dikatlanegiso kana go neela keletso efe kana efe.
Bothati ba saense bo tshwanetse go phasalatsa ka kitsiso mo Kuranteng diphitlhelelo dife kana dife tsa ngwaga tse di se nang tshenyo mo kgwebong ya disepesimene tsa methalethale ya ditshedi ya kwalo ya maina e e tshosediwang go ya ka tumalano ya boditšhabatšhaba e e laolang kgwebo ya boditšhabatšhaba mo disepesimeneng tsa methalethale ya ditshedi ya kwalo ya maina e e tshosediwang kana e e sireleditsweng e e tlamang mo Rephaboliking.
Diphitlhelelo tsa nakwana dife kana dife tsa bothati ba saense di tshwanetse go phasaladiwa mo Kuranteng gore setšhaba se bone tshedimosetso mo malatsing a le 30 morago ga fa tshwetso e dirilwe.
Pele go phasaladiwa kitsiso go ya ka karolo 51 , 52 , 55 kana 56 , go mametlelela kana go phimolwa ga kitsiso e e jalo go ya ka karolo 54 kana 57, Tona o tshwanetse go latela tirego ya go ya ka dikarolo 96 le 97.
Pele go phasaladiwa kitsiso go ya ka karolo 511, kana go mametlelela kana go phimolwa kitsiso e e jalo go ya ka karolo 54, Tona wa merero ya tikologo mo porofenseng e e maleba o tshwanetse go latela tirego ya ditherisano mo go lekaneng go ya ka dikarolo 96 le 97.
b diragatsa le go laola methalethale ya ditshedi ya kwa ntle le methalethale ya ditshedi e e anamang go thibela kana go fokotsa kutlwiso botlhoko kwa tikologong le go mefutafuta ya ditshedi bogolo segolo; le c nyeletsa methalethale ya ditshedi ya kwa ntle le methalethale ya ditshedi e e anamang go tswa ditsheding tsa tikologo le bonno koo e ka utlwisang botlhoko ditshedi tsa tikologo tse di jalo kana banni.
Ka maikaelelo a Kgaolo e , "sepesimene" se na le bokao bo se bo neilweng mo ditemaneng le tsa tlhaloso ya a le b ya tlhaloso ya "sepesimene" mo temaneng 11.
Motho a ka se kwa ntle ga tumelelo e e rebotsweng go ya ka Kgaolo 7 a dira tiro e e lekanyeditsweng e e amang sepesimene sa methalethale ya ditshedi ya kwa ntle.
Tumelelo go ya ka karolo tlaleletso 1 e ka nna ya ntshiwa fela fa morago ga fa tshekatsheko e e tlhalositsweng ya dikotsi tse di maatla mo mefutafuteng ya ditshedi e dirilwe.
a methalethale ya ditshedi ya kwa ntle efe kana efe e e tlhalositsweng mo kitsisong; kana b methalethale ya ditshedi ya kwa ntle efe kana efe ya setlhopha se se tlhalositsweng.
Motho ofe kana ofe a ka nna a dira tiro e e lekanyeditsweng e e amang sepesimene sa methalethale ya ditshedi ya kwa ntle e e rebotsweng kwa ntle ga tumelelo e e boletsweng mo go karolo 64 1.
Tona a ka nna ka kitsiso mo Kuranteng a phasalatsa lenane la methalethale ya ditshedi tsa kwa ntle malebana le tsa tumelelo e e boletsweng mo go karolo 64 e ntse e ka se rebolwe.
Motho a ka se dire tiro e e lekanyeditsweng e e amang sepesimene sa methalethale ya ditshedi e e anamang ya kwalo ya maina e e phasaladitsweng go ya karolo tlaleletso 1.
Tona o tshwanetse kgabetsa a thadise lenane le le phasalditsweng go ya ka karolo tlaleletso 1.
Tona a ka nna, ka kitsiso mo Kuranteng, aa mametlelela kana a nyeletsa kitsiso efe kana efe e e phasaladitsweng go ya ka karolo 65 kana 66.
a go tsamaisana le maemo a a tsamaelanang le se tumelelo e se reboletsweng; le b go tsaya dikgato tsotlhe tse di tlhokegang go thibela kana go fokotsa tshenyo mo methalethaleng ya ditshedi.
a jaaka go ka tlhokega go phekola tshenyo efe kana efe mo methalethaleng ya ditshedi e e tlisiwang ke dikgato tsa motho yoo; le b jaaka go ka tlhalosiwa mo kaelong.
a diragatsa kaedi; le b amogela go tswa mothong yoo ditshenyegelo tsotlhe tse di bonweng ke bothati bo bo kgonang mo go diragatseng kaedi.
Fa methalethale ya ditshedi ya kwa ntle e ka itlhoma mo tlholegong jaaka methalethale ya ditshedi e e anamang ka ntlha ya dikgato tsa motho yo o rileng, bothati bo bo kgonang ba ka nna ba tshola motho yoo maikarabelo a ditshenyegelo dife kana dife tse di tlhageletseng mo taolong le nyeletsong ya methalethale ya ditshedi.
Tona a ka, ka kitsiso mo Kuranteng, a phasalatsa lenane la methalethale ya ditshedi tse di anamang tse Kgaolo e e dirang.
Tona o tshwanetse gore ka tlwaelo a thadise lenane le le phasaladitsweng go ya ka karolo tlaleletso 1.
Motho a ka se re kwa ntle ga tumelelo e e rebotsweng go ya ka Kgaolo 7 a dire tiro e e lekanyeditsweng e e amang sepesimene sa methalethale ya ditshedi e e anamang ya kwalo ya maina.
Tumelelo malebana le karolo tlaleletso 1 e ka nna ya ntshiwa fela morago ga fa tshekatsheko e e tlhalositsweng ya dikotsi e e tlhalositsweng le dikutlwalo tse di maatla mo mefutafuteng ya ditshedi e e boletsweng e dirilwe.
Tona a nna, ka kitsiso mo Kuranteng, a mametlelela kana go phimola kitsiso efe e e phasaladitsweng go ya ka karolo 70.
a go tsamaisana le maemo a a tsamaelanang le se tumelelo e se reboletsweng; le b go tsaya dikgato tsotlhe tse di tlhokegang go thibela kana go fokotsa tshenyo mo mefutafuteng ya ditshedi.
b go tsaya dikgato go laola le go tlosa methalethale ya ditshedi e e anamang ya kwalo ya maina le go thibela go anama; le c go tsaya dikgato tse dingwe tsotlhe tse di utlwalang go thibela kana go fokotsa kotsi kwa mefutafuteng ya ditshedi.
i dikgato tsa motho yoo; kana ii tlhagelelo ya methalethale ya ditshedi e e anamang ya kwalo ya maina mo lefatsheng le mo go lona motho yoo, e leng mong; le b jaaka go ka tlhalosiwa mo kaeding.
i go tswa go motho yoo; kana ii ka go lakana go tswa go motho yoo le motho yo mongwe yo o boneng tshiamelo go tswa tiragatsong ya kaedi.
Motho ofe kana ofe a ka nna a kopa bothati bo bo kgonang, ka go kwala, go ntsha kaedi go ya ka karolo 72.
Bothati bo bo kgonang bo tshwanetse go arabela kopo, ka go kwala, mo malatsing a le 30 a kamogelo ya kopo.
Fa bothati bo bo kgonang bo ka tlholega go arabaela kopo mo nakong e e boletsweng kana bo gane kopo, motho yo o dirileng kopo a ka kopa kwa kgotlatshekelo taolelo e e kaelang bothati bo bo kgonang go ntsha kaedi.
Taolo le phimolo ya methalethale ya ditshedi e e anamang ya kwalo ya maina e tshwanetse go dirwa ka mokgwa o o jalo jaaka e e maleba ya methalethale ya ditshedi e e amegang le tikologo e di tlhagelelang mo go yona.
Kgato nngwe le nngwe go laola le go phimola methalethale ya ditshedi e e anamang ya kwalo ya maina e tshwanetse go dirwa ka tlhokomelo le ka mokgwa o o tla bakang tshenyo e nnye ka fa go ka kgonegang mo mefutafuteng ya ditshedi le tshenyo mo tikologong.
Mekgwa e e dirisiwang go laola le go phimola methalethale ya ditshedi e e anamang ya kwalo ya maina e tshwanetse gape go lebisiwa kwa matlhogeleng, go tlhagisa matheriale le go godisa gape methalethale ya ditshedi e e jalo gore e tlhagise bana, go bopa peo, go tsosolosa kana go itlhoma ka tsela efe.
Bothati ba tsamaiso jwa lefelo le le sireleditsweng bo bo baakanyetsang leano la tsamaiso la lefelo go ya ka karolo 59 ya Molao wa Mafelo a a Sireleditsweng bo tshwanetse go tsenya mo leanong la tsamaiso taolo ya methalethale ya ditshedi tse di anamang le togamaano ya phimolo.
Dithwe tsotlhe tsa naga mo sedikong sa mmuso di tshwanetse go baakanya tlhokomelo ya methalethale ya ditshedi tse di anamang, taolo le leano la tshenyo ya lefatshe ka fa tlase ga taolo ya bona, jaaka karolo ya maano ya bona go ya ka karolo 11 ya Molao wa Bosetšhaba wa Botsamaisi ba Tikologo. Taolo ya methalethale ya ditshedi e e anamang le maano a phimolo a bommasepala a tshwanetse go nna karolo ya maano a tlhabololo e e tshwaraganeng ya bona.
Tona a ka nna a kopa Setheo go thusa bommasepala mo go tsamaelaneng le ditiro tsa bona go ya ka karolo tlaleletso 2.
e dikgato tsa ga jaana go laola le go phimola methalethale ya ditshedi e e anamang jalo; le f ditshupetso tse di ka lekanyediwang tsa tswelelelopele le katlego, le ditshupetso tsa gore leng, leano la taolo le tla fediwa.
Bothati jwa botsamaisi jwa karolo e e sireleditsweng bo tshwanetse ka dikgala tsa tlwaelo bo siamise le go romela kwa go Tona kana Tona ya Khansele ya Phetiso ya merero ya tikologo mo porofenseng pegelo ka maemo a nngwe le nngwe ya methalethale ya ditshedi e e anamang ya kwalo ya maina e e tlhagelelang mo karolong eo.
b tlhaloso e e tletseng ya dikarolo tsa lefelo tse di tshwanetsweng ke methalethale ya ditshedi e e anamang ya kwalo ya maina; le d pegelo mo bokgoning ba tlhagiso ya taolo e e fetileng le phimolo ya dikgato.
Tona o tshwanetse, pele a phasalatsa kitsiso go ya ka karolo 65 , 66 kana 69 , kana go mametlelela kana go phimola kitsiso e e jalo go ya karolo 68 kana 72, a latele tirego ya ditherisano go ya ka dikarolo 96 le 97.
a laola patlisiso ya ditshedi tsa matheriale wa tlhago o o tswang mo metsweding ya baoloji ya tlholego; le b go tlamelela kgaogano ya ditshiamelo e e siameng e e lekanang e e tswang mo patlisisong ya disthedi tsa matheriale wa tlhago o o tswang mo metsweding ya baoloji ya tlholego.
a patlisisong ya ditshedi wa tlhago o o tswang mo metsweding ya baoloji ya tlhago; le b thomelo ntle go tswa Rephaboliking, ka mabaka a patlisiso ya ditshedi tsa metswedi ya baoloji ya tlholego ya kwalo ya maina ke Tona ka kitsiso mo Kuranteng.
diphologolo tse di sa tlwaelegang dife kana dife, dimela kana ditshedinyana tse dingwe dife kana ditshedinyana tse dingwe tse di tewang mo temaneng a iii; le iii metswedi ya baoloji ya tlholego ya kwalo ya maina go ya ka Tumalano ya Boditšhabatšhaba mo Metsweding ya Semela sa Tlhago sa Dijo le Temothuo; le metswedi ya baoloji ya tlholego ya kwalo ya maina e kaya metswedi ya baoloji ya tlholego efe kana efe ya kwalo ya maina go ya ka karolo tlaleletso (b).
Kgaolo e e tshwanetse go ranolwa go ya ka molao ofe kana ofe o o dirang.
Motho a ka se, kwa ntle ga tumelelo e e rebotsweng go ya ka Kgaolo 7, a tshwaragana le patlisiso ya matheriale wa tlhago go tswa metsweding ya baoloji ya tlholego.
a motho kana baagi ba ba tlamelang kana ba ba neelang phitlhelelo kwa metsweding ya baoloji ya tlholego ka mabaka a patlisiso ya ditshedi e e jalo, a dumetse mabaka le maemo a tumalano le kgaogano ya tshiamelo e e tla laolang tshiamelo e e jalo kana phitlhelelo; le b Tona go ya ka karolo 802 o rebotse tumalano ya kgaogano ya tshiamelo e e tshisintsweng magareng ga mekgatlho.
Tumelo e e boletsweng mo karolo tlaleletsong 2 a e tshwanetse go bewa mo karolong e e tletseng ya tshedimosetso yotlhe e e maleba, go tsenyelediwa tiriso e e ikaeletsweng ya metsedi eo ya tlholego.
d bo ka dira dikatlanegiso kwa go Tona; le e bo tshwanetse go dira ditiro tse dingwe dife tse di ka tlhalosiwang.
d go baya mokgwa o mo go ona le sekgala se mo go sona metswedi ya baoloji ya tlholego e tshwanelwang ke go dirisiwa kana go tlhabololwa ka mabaka a patlisiso ya ditshedi e e jalo ; le e go baya mokgwa o mo go ona motho le sekgala se mo go sona motho kana baagi ba ba tlamelang metswedi eo ya baoloji ya tlholego ba tla kgaoganang morokotso ofe kana ofe, lotseno kana ditshiamelo tse dingwe tse di ka tlhagang go tswa mo lotsenong kana ditshiamelo tse dingwe tse di tswang go tswa mo go khomešelaeseng ka patlisiso ya disthedi ya metswedi ya baoloji ya tlholego e e jalo; le f go rekota dintlha tsa ditshiamelo dife tse di jalo.
a e tshwanetse go romelwa kwa go Tona go rebolwa; le b ga e direge kwa ntle ga fa e rebotswe ke Tona.
Motho a se, kwa ntle ga tumelelo e e ntshitsweng go ya ka Kgaolo 7, a romele ntle go tswa Rephaboliking metswedi ya baoloji ya tlholego efe kana efe ya kwalo ya maina ka mabaka a patlisiso kana patlisiso ya ditshedi.
a motho kana baagi ba ba tlamelang kana ba ba nayang phitlhelelo kwa metsweding ya baoloji ya tlholego e e maleba ya mabaka a thomelo e e jalo ba dumetse go ya ka mabaka le maemo a tumalano ya matheriale o o fetisitsweng o o tla laolang tshiamelo e e jalo kana phitlhelelo; le b Tona go ya ka karolo 822 o rebotse tumalano ya phetiso ya matheriale e e tshisintsweng magareng ga mekgatlho.
Tumalano e e boletsweng mo karolo tlaleletsong 2 a e tshwanetse go bewa mo kutololong e e tletseng ya tshedimosetso yotlhe e e maleba, go tsenyeletsa tiriso e e ikaeletsweng ya metswedi ya baoloji ya tlholego.
d bo ka dira dikatlanegiso kwa go Tona; le e bo tshwanetse go dira ditiro tse dingwe dife tse di ka tlhalosiwang.
ditiriso tsa jaanong le tse di nonofileng tsa metswedi ya baoloji ya tlholego; le vii go tlhalosa maemo a ka fa tlase ga ona moamogedi a ka tlamelang metswedi ya baoloji ya tlholego e e jalo, kana dikokomane tsa bona go ya lekokong la boraro.
a e tshwanetse go romelwa kwa go Tona go bona thebolo ; le b ga e dire kwa ntle le fa e rebotswe ke Tona.
Letlole la Therasete la Patlisiso ya ditshedi le tlhomilwe le mo go lona madi otlhe a a tswang ditumalanong tsa tshiamelo e e kgaoganweng kana ditumalano tsa phetiso ya matheriale, le le kolotiwang beng le batlamedi ba metswedi ya baoloji ya tlholego, le go tshwanetseng go duelwa, go tswa mo dituelong tsotlhe go ya baamogeladitshiamelong le tshwanetse go dirwa.
Madi otlhe a a duetsweng mo letloleng la therasete la patlisiso ya ditshedi ka fa teng ga bokao jwa karolo 131fii ya Molao wa Setšhaba wa Botsamaisi ba Ditšhelete.
a o tshwanetse go tsamaisa Letlole ka tsela e e tlhalosegang; le b o ikarabelela madi a a mo Letloleng go ya ka Molao wa Setšhaba wa Botsamaisi ba Ditšhelete.
b ditiro tse di laolwang go ya ka kitsiso e e phasaladitsweng go ya ka karolo 562; kana c patlisiso ya ditshedi e e amang metswedi ya baoloji ya tlholego go ya ka karolo 791; kana d thomelo ntle ya metswedi ya baoloji ya tlholego ya patlisiso kana patlisiso ya ditshedi go ya ka karolo 811.
Motho a ka nna a dira kopo ya tumelelo ka go tsenya kopo mo foromong e e tlhalositsweng kwa bothating.
c rebola tumelelo ntle le mabaka kana go e rebola go ya ka mabaka; kana d gana tumelelo.
g ditlhokego dife kana dife tse di ka tlhalosiwang.
Fa maemo a a gapeletsang a tlhaloseditswe mofuta ofe kana ofe wa tumelelo, bothati bo bo rebolang bo ntse bo ka se rebole tumelelo ya mofuta oo go na le se se tsamaisanang le maemo ao.
Fa kopo e gannwe, bothati bo bo rebolang bo tshwanetse go neela mo nakong mabaka a tshwetso kwa mokoping ka go mo kwalela.
Pele go ntshiwa tumelelo, bothati bo bo rebolang bo ntse ka go kwala jwa tlhoka mokopi go bo tlamela, ka ditshenyegelo tsa mokopi, ka tshekatsheko ya kotsi e e kemetseng kana bopaki jwa moitseanape jaaka bothati bo bo rebolang bo ka tlhomamisa.
b e ka nna ya rebolwa ka maemo a a tlhalositsweng mo tumelelong; le c e tshwanetse go nna mo foromong e le dintlha tse dingwe tse di jalo jaaka go ka tlhalosiwa.
Tumelelo e e rebotsweng go ya ka karolo 88 ga e tlamolole motshodi kana motho ofe yo mongwe mo go tsamaelaneng le ditshiamelo tsa molao o o dirang ofe kana ofe o mongwe.
c ditshiamelo tsa go dumelelwa tiro di botlhokwa bo bogolo go na le ditshenyegelo tse di amanngwang le go thbela kana go phekola tshenyo efe kana efe e e latelang kwa tikologong kana mefutafuteng ya ditshedi; le d go kgotsofatsa gore dikgato tse di lekaneng di tserwe ke mokopi go thibela go sutlha le kgasano ya methalethale ya ditshedi.
a diragatsa maatla a bona a a kopaneng; le b go ntsha tumelelo e le nngwe e e kopaneng mo boemong jwa tumelelo e e atlhologantsweng le tetlelelo.
Bothati bo bo maatlafaditsweng ka fa tlase ga molao o mongwe bo ka rebola tumelelo e e kopaneng ya tiro e e fa isong fa bothati boo bo tlhomamisitswe go ya ka Molao o gape jaaka bothati bo bo rebolang jwa ditumelelo malebana le tiro eo.
i ditshiamelo tsa mongwe le mongwe go ya ka se o se ntsheditsweng; le ii bothati kana botlhe ba ba e rebotseng.
tshiamelo efe kana efe ya Molao o kana molao o mongwe o o laolang tiro e e dumeletsweng; kana iii molao ofe wa kwa ntle o o laolang tiro e e dumeletsweng.
Mokopi yo o ikutlwang a utlwile botlhoko ka tshwetso ya bothati bo bo rebolang go ya ka karolo 85 (c)kana (d), kana motshola tumelelo yo tumelelo ya gagwe e phimotsweng go ya ka karolo 90, a ka tsenya boikuelo le Tona kgatlhanong le tshwetso mo malatsing a le 30 morago ga go itsesiwe ka tshwetso.
b a lebisetse gape boikuelo kwa go Tona ya Khansele ya Phetiso ya merero ya tikologo mo porofenseng e e maleba go sekaseka le go swetsa ka boikuelo; kana c go tlhomamisa phanele ya batho go sekaseka le go swetsa boikuelo.
Boikuelo ga bo emise tshwetso kgatlhanong le boikuelo bo bo tsentsweng kwa ntle ga fa Tona ya Khansele ya Phetiso kana phanele ya go ikuela e e sekasekang boikuelo e lebisa ka tsela e nngwe.
a palo ya batho ba kitso e e maleba jaaka maloko a phanele; le b a le mongwe wa maloko a phanele jaaka leloko le le tshwereng.
Leloko le le tshwereng la phanele ya boikuelo le swetsa gore phanele e kopana leng le gore kae.
a go sekaseka le go swetsa boikuelo go ya ka tsamaiso e e tlhalositsweng ; le b go tshola rekoto ya ditsweletso tsa yona le ditshwetso.
a ka le lengwe ba tshola kana ba gana boikuelo; le b fa ba tshola kana ba gana boikuelo, ba dira ditaolelo tse dingwe tse di jalo jaaka go ka nna maleba.
b le lebaka go ya ka fa tumelelo e neng e rebotswe ka teng, Tona, Tona ya Khansele ya Phetiso kana phanele ya boikuelo ba ka nna ba gogela morago kana ba mametlelela maemo; kana c go phimola tumelelo, Tona, Tona ya Khansele ya Phetiso kana phanele ya boikuelo ba ka busetsa tumelelo.
f morero o mongwe ofe o o ka tlhalosiwang go ya ka Molao o; le g morero o mongwe ofe kana ofe o o ka tlhokegang go tsamaisa tiragatso ya Molao o.
Molawana ofe kana ofe o o nang le ditlamorago tsa lotseno lwa lokgetho ka tlhamalalo o ka dirwa fela ka kutlwano le Tona ya Ditšhelete.
Pele go phasaladiwa melawana efe kana efe go ya ka karolo tlaleletso 1, kana mametlelelo efe kwa melawaneng, Tona o tshwanetse go latela tirego ya ditherisano go ya ka dikarolo 96 le 97.
Karolo tlaleletso 3 ga e tlhoke go diragadiwa kwa phetogong e e sa utlwaleng thata ya melawana.
methalethale ya disthedi kana ditlhopha tsa methalethale ya ditshedi ; kana iv ditlhopha tsa ditumelelo kana bikuelo.
b tefiso e e maleba; kana c tsoopedi tefiso le kgolegelo e e jalo..
Pele go diragadiwa dithata tse di, go ya ka tshiamelo ya Molao o, tse di tshwanetseng go diragadiwa go ya ka karolo e, le karolo 97, Tona o tshwanetse go latela tirego ya ditherisano jaaka go ka nna maleba mo mabakeng.
b go ya ka ditheo tsa taolo ya tirisanommogo jaaka e beilwe mo Kgaolong 3 ya Molaotheo, go rerisana le Tona ya Khansele ya Phetiso ya merero ya tikologo ya porofense nngwe le nngwe e e tla amiwang ke tiragatso ya dithata; le c go dumelela botsayakarolo jwa setšhaba mo iregong go ya ka karolo 97.
a mo Kuranteng; le b bogolo mo kuranteng e le nngwe e e phatlhaladiwang ka bosetšhaba, kana fa e le gore tiragatso ya dithata e tla ama lefelo le le rileng fela, mo kuranteng bogolo e le nngwe e e phatlhaladiwang mo lefelong leo.
Tona a ka, mo mabakeng a a maleba a dumelela motho yo o nang le kgatlhego kana baagi go tlhagisa dikemedi tsa molomo kana dikgano kwa go Tona kana motho yo o tlhomilweng ke Tona.
Tona o tshwanetse go neela tshekatsheko e e maleba kwa dikemeding tsotlhe kana dikgano tse di amogetsweng kana tse di tlhagisitsweng pele go diragadiwa maatla.
b kitsiso e e phasaladitsweng go ya ka karolo 562; kana c kaelo e e rebotsweng go ya ka karolo 682 kana 723.
b a dirile tiro e tumelelo e neng e rebotswe ka tsela e nngwe go na le go ya ka mabaka a a tsamaelanang le se tumelelo e neng e se reboletswe; kana c go dumelela kana go letla motho ofe kana ofe yo o mongwe go dira, kana go tlholega go dira, sengwe le sengwe se e leng molao go ya ka temana a kana b.
c a fetisa, a dirisa, a fetola kana a na le lokwalo mo go ena lo lo fetotsweng kana lo fosagatse lo lo tshwanelwang ke go nna tumelelo; kana d ka kitso a dira seteitemente se se fosagetseng kana pegelo ka mabaka a go bona tumelelo.
Motho yo o atlhotsweng ka molao go ya ka karolo 102 o tshwanelwa ke tefiso, kana kgolegelo ya lobaka lo lo sa feteng dingwaga tse tlhano , kana tsoopedi tefiso e e jalo le kgolegelo e e jalo.
a bokana bo bo tlhalositsweng go ya ka Molao o o Laolang Dituelo tse Dikgolo , 1999 Molao Nomoro 101 wa 1991; kana b fa motho a atlholetswe molato o o amang sepesimene sa methalethale ya ditshedi ya kwalo ya maina e e tshosediwang kana e e sireleditsweng, bokana bo bo tlhomamisitsweng go ya ka temana a kana bo bo lekanang garago boleng ba khomese ya sepesimene malebana le molato o o dirilweng, sefe se se ka bong e le se segolwane.
Molao wa Dikgwa, 1984 (Molao Nomoro 122 wa 1984), o phimolwa ke Molao.
Sengwe le sengwe se se dirang go ya ka Molao wa Dikgwa, 1984 (Molao Nomoro 122 wa 1984), se ka, kana se tshwanetse go dirwa go ya ka Molao o o tshwanetseng go tswa o dirilwe go ya ka Molao o.
b motlhankedi mogolo wa Bothani ya Bosetšhaba ya Aforika Borwa o nna motlhankedi mogolo wa phetiso wa nama o sa tshwere wa Setheo sa Bosetšhaba sa Mefutafuta ya ditshedi mme o sala go nna motlhankedi mogolo wa go fitlha Boto e tlhoma motho jaaka motlhankedi mogolo wa Setheo go ya ka karolo 29; le c maloko a badiri otlhe a Setheo sa Bosetšhaba sa Bothani, go tsenyelediwa notlhankedi mogolo wa phetiso wa sona, a tshwanetse go tsewa jaaka a a setseng a tlhomilwe go ya karolo 30 jaaka maloko a badiri a Setheo sa Bosetšhaba sa Mefutafuta ya ditshedi sa Aforika Borwa go ya ka maemo a tirelo a a tshwanang a a dirilweng mo go bona ka bonako pele ga phimolo ya Molao wa Dikgwa, 1984.
Karolo tlaleletso 2 c ga e ame phensene, maikhutso le ditshiamelo tse dingwe tse di kokotlegelelang maloko a badiri e e boletsweng mo go karolo tlaleletsong eo pele ga phimolo ya Molao wa Dikgwa, 1984, mme ditshiamelo tse di jalo di tshwanetse go tlotliwa jaaka e kete go ne go se kgaogo mo tirelong ya tsona.
a matlotlo otlhe le melato le ditshwanelo tsotlhe le ditlamego tsa Setheo sa Bosetšhaba sa Bothani di beilwe mo Setheong sa Mefutafuta ya ditshedi sa Aforika Borwa; le b tekano efe kana efe mo Letloleng la Bosetšhaba la Setheo sa Bothani le le boletsweng mo karolong 64 ya Molao oo le tshwanetse go duelwa kwa Setheong sa Bosetšhaba sa Mefutafuta ya ditshedi sa Aforika Borwa.
Leloko lefe kana lefe le le amegang kwa tshimologong ya Kgaolo 6 mo porojekeng ya patlisiso ya ditshedi e mo go yona karolo 80 e dirang, le ka nna le mororo ka karolo eo la tswelela ka porojeke le sa letile dipuisano le go tsenela mo tiragatsong ya tumalano ya kgaogano ya tshiamelo e e maleba go ya ka Kgaolo eo.
Karolo tlaleletso 1 e fela ngwana o le mongwe morago ga fa Kgaolo 6 e simolotse.
Molao o o bidiwa Molao wa Bosetšhaba wa Botsamaisi ba Tikologo ya Mefutafuta ya ditshedi 2003, mme o simolola ka letlha le le tlhomamisitsweng ke Moporesidente ka Kgoeletso mo Kuranteng.
Matlha a a farologaneng a ka re ka karolo tlaleletso 1 a tlhomamisediwa ditshiamelo tse di farologaneng tsa Molao.
<fn>tsn_Article_National Language Services_BUKA YA DIRORI TSE DI BOIMA (2003).txt</fn>
Dikgogo go tswa mo Molaong wa Bosetšhaba wa Pharakano wa 1996 (Molao 93 wa 1996), gammogo le Melawana ya Bosetšhaba ya Pharakano ya 2000.
Bontsi jwa batlhankedi ba ba nang le seabe mo go reboleng le go ntsha dilaesense ba na le nnete.
Le gale batho bangwe ba ka naya batlhankedi tshelete, dimpho gongwe dithuso dingwe gore ba bone laesense.
Ka dinako dingwe go na le go diragale gore batlhankedi ba kope tšhelete, dimpho gongwe dithuso dingwe gore ba ntshe gongwe ba rebole go ntshiwa ga laesense ya go nna jalo.
Seno ga se ka fa molaong!!!!!
Dikgetse tsotlhe tsa maitsholo a bobodu di tla batlisisiwa mme go tla tsewa dikgato kgatlhanong le botlhe ba ba nang le seabe mo ditirong tsa go nna jalo.
Ditlhotlhwa tsotlhe ke tse di rebotsweng. O SEKE wa duela go feta gongwe wa ithaopa go duela go feta gore o bone laesense ya gago.
Ditiro tsotlhe tsa maitsholo a bobodu di tshwanetse go begiwa. Fa o itse mongwe yo o amogetseng gongwe yo o ka tlogang a amogela laesense ka go naya gongwe go tsibogela kopo ya pipamolomo, kgotsa fa o itse ditiro dingwe tsa bobodu tse di amang motlhankedi mongwe, o seke wa okaoka mme o ikgolaganye le Lefapha la Bosetšhaba la Dipalangwa kwa Pretoria kwa fekeseng ya 012 309 3812, kgotsa tikwatikwe ya tlhaeletsano ya selegae kwa dikantorong tsa Puso ya Porofense.
Bukana eno ya Baithuti ba go kgweetsa e tlhalosa melawana ya tsela, gammogo le dintlha tse di maleba, taolo ya dirori gammogo le matshwao a pharakano jaaka a fitlhelwa mo Molaong wa Bosetshaba wa Pharakano.
Go botlhokwa gore go nne le kitso e e feletseng ya diteng tsa buka, e seng fela go bona laesense ya o ithuta go kgweetsa, le go itse gore go dirwa jang leng le eng mo mabakeng mangwe a a riling.
Le fa dikarolo tsotlhe tsa matshwao a pharakano di akareditswe mo bukeng eno, ga go a akarediwa matshwao otlhe go tswa mo karolong nngwe le nngwe.
Go botlhokwa go lemoga gore bukana eno ga se lekwalo la molao. Diteng di ikaegile ka Molao le Melawana ya Bosetšhaba ya Pharakano mme e tlhalosiwa ka tsela e e bonolo.
Melao ya pharakano e fotga gantsi mme ka jalo buka eno e tla baakangwa gangwe le gape. Le gale go ka amogelwa ditshitsinyo tse di agang tebang le go tokafatsa gape boleng jwa kgatiso eno.
vii. bolwetse bongwe le bongwe kgotsa go sa itekanelang mo mmeleng go go ka mo dirang gore a retelelwe ke go kgweetsa le go laola ka tolamo serori se se amanang le laesense eo ntle le go tsenya tshireletsego ya baagi mo kotsing; Go ya le gore bosusu joo ka bo jona ga o tsewe e le go tlhoka go itekanela.
O ka dira kopo ya go tlhatlhobelwa laesense ya go ithuta go kgweetsa kwa tikwatikweng nngwe le nngwe e e kwadisitsweng ya tlhatlhobo ya dilaesense tsa go kgweetsa mo foromong e e maleba ya kopo (foromo LL1).
E tla re fa o newa tshupatefo, tikwatikwe e tla go rebolela letlha le nako e o tshwanetseng go tla go dirwa tlhatlhobo e e rebotsweng.
a melawana ya tsela gammogo le dintlha tse dingwe tsa molao, b matshwao a pharakano, matshwao le matshwao a tsela, le c didiriswa tsa taolo ya serori se se boima.
Fa tlhatlhobo e e rebotsweng ya laesense ya go ithuta go kgweetsa e falotswe, laesense ya gago ya go ithuta go kgweetsa e tla dira sebaka sa dikgwedi di le somerobedi go tloga ka letsatsi la tlhatlhobo.
O tla dirwa ditlhatlhobo tsa matlho kwa tikwatikweng mme o tla rebolelwa laesense ya go ithuta go kgweetsa fa pono ya gago e fitlhelela seemo se se beilweng, jaaka go rebotswe mo Molaong wa Bosetshaba wa Pharakano.
a Motho yo o tshotseng laesense ya go ithuta go kgweetsa ya Khoutu 3 o letleletswe go kgweetsa serori sengwe le sengwe gongwe mefuta e e e kopaneng ya dirori ntle le sethuthuthu, sethuthuthu sa maotwana a mararo gongwe sethuthuthu sa maotwana a mane.
b Motho yo o tshotseng laesense ya go ithuta go kgweetsa ya Khoutu 3 o tla kgweetsa fela dirori tse a nang le tetla ya go di kgweetsa a tlhokometswe ka tlhamalalo ke motho yo o tshotseng laesense ya go kgweetsa ya mofuta o o wa serori.
c Go bona laesense ya go ithuta go kgweetsa ya khoutu 3 o tshwanetse wa bo o le bogolo jwa bonnye dingwaga di le 18.
d Laesense ya gago ya go ithuta go kgweetsa e tla dira sebaka sa dikgwedi di le somerobedi go tloga ka letlha le tlhatlhobo e e rebotsweng e falotsweng ka lona.
a ya magareng ga letsatsi le sena go phirima le ya pele ga letsatsi le tlhaba, le b nako nngwe le nngwe fa, ka ntlha ya lesedi le le sa lekanang gongwe ka ntlha ya maemo a a sa jeseng di welang a loapi, batho le dirori tse di mo tseleng ya botlhe ba sa bonaleng sentle mo sekgaleng sa dimitara di le 150.
a kwa thoko ga tsela ya botlhe, b mo lefelong la go phaka le le diretsweng molelwane ka letshwao le le maleba la pharakano, kgotsa c mo sekgaleng sa dimitara di le 12 go tswa mo leboneng le le tshubilweng la mmila le le bonesang lefelo le serori sa go nna jalo se phakileng mo go lona.
Lebone lengwe le lengwe le le tlhagisang marang a magolo (kgalalelo), le tshwanetse go rulaganngwa le go tlhokomelwa gore le kgone go bonesa ka tolamo lefelo le le kwa pele ga serori, go kgontsha mokgweetsi go bona motho mongwe le mongwe, serori gongwe selo sengwe se se golo mo sekgaleng sa bonnye dimitara di le 100.
Gopola go ngotla marang a magolo (kgalalelo) a serori sa gago fa go na le pharakano e e tlang kwa pele, gammogo le fa o setse serori se sengwe morago.
Lebone lengwe le lengwe le legolo le le ntshang marang a a ngotlilweng le tshwanetse go rulaganngwa le go tlhokomelwa gore le kgone go bonesa ka tekano mo lifelong le le fa pele ga serori, le kgontsha mokgweetsi go bona motho mongwe le mongwe, serori gongwe sengwe se segolo mo sekgaleng sa bonnye dimitara di le 45.
Ga go a tshwanela gore serori se kgweediwe mo tseleng ya botlhe se tshubile fela dipone tsa go phaka fa serori sa go nna jalo se tsamaya.
Ga o a tshwanela go kgweetsa serori se se bokete mo tseleng ya botlhe ntle le fa fela se tsentswe dipone tse di ntshang lesedi le lehibidu kwa morago.
Ga o a tshwanela go kgweetsa serori se se bokete mo tseleng ya botlhe ntle le fela fa se tsentswe dipone tsa go ema kwa morago. Fa di dirisiwa, di tshwanetse go ntsha lesedi le lehibidu le le tshwanetseng go nna bogale go gaisa le la lesedi le le ntshiwang ke dipone tsa kwa morago mme le tshwanetse go kgona go bonwa ke motho yo o nang le pono e e siameng le fa go na le marang a a tlwaelegileng a letsatsi mo sekgaleng sa dimitara di le 30.
Ga o a tshwanela go kgweetsa serori se se bokete mo tseleng ya botlhe ntle le fa fela se tsentswe bonnye, lebone le le lengwe la nomoro polata kwa morago, le bonesa nomoro polata. Tlhaka nngwe le nngwe gongwe palo nngwe le nngwe ya nomoro polata eo e tshwanetse go bonwa ke motho yo o nang le pono e e siameng go tswa mo sekgaleng sa dimitara di le 20.
semathana, mouwane, lerole, kgotsa mosi.
le ka tsenngwa mo seroring sa ngaka gongwe ngaka ya diphologolo, mme le dirisediwa ditiro tsa seporofesenale; kgotsa le ka tsenngwa mo seroring sa segogelathusong kgotsa serori se se dirisiwang mo mabakeng a thebolo ya motlakase gongwe ditirelo dingwe tsa botlhokwa tsa setshaba: Fa e le gore le dirisiwa fela kwa lifelong la kotsi gongwe kwa serori se robegetseng gona gongwe fa go tlhatlhobiwa megala ya difounu, thelekerafe gongwe megala ya motlakasa.
Ga o a tshwanela go dirisa serori se se boima mo tseleng ya botlhe ntle le fela fa se na le sediriswa sa tsiboso (hutara), se se dirang sentle mme, fa se dirisiwa, se kgona go ntsha modumo o o utlwalang sentle ke motho yo o utlwang sentle go tswa mo sekgaleng sa dimitara di le 90.
Disaerini gongwe didiriswa tsa tsiboso tse di tshamekang molodi ga di a tshwanela go dirisiwa mo diroring tsa poraefete.
Ga go motho ope yo o tla dirisang hutara ya serori ntle le fa fela tiriso eo e tlhokega tebang le pabalesego.
Fa e le gore mariki a tshoganyetso le mariki a go phaka e ka nna mariki a le mangwe.
fa le dirisiwa, lebone le tshwanetse go bontsha lesedi le le benyabenyang le le bogale jo bo dirang gore le kgone go bonwa ke motho yo o bonang sentle mo leseding le le tlwaelegileng mo sekgaleng sa dimitara di le 30.
Fa dipone tsa tshupantlha di le mo tirisong, di tshwanetse go ntsha lesedi le le sweu, lesetlha gongwe la mmala wa namune kwa pele, mme le le lesetlha, mmala wa namune kgotsa le lehibidu kwa morago.
Ga go a tshwanela gore go dirisiwe serori se se boima mo tseleng ya botlhe ntle le fela fa dikarolo tsotlhe tsa seterebo di tlhokometswe gore di mo seemong se se letlang gore serori se laolege sentle ka pabalesego.
Ga go a tshwanela gore go dirisiwe serori se se boima mo tseleng ya botlhe fa e le gore tekanyo ya thetologo ya serori seo e feta dimitara di le 13,1.
Serori se se boima se tshwanetse go tsenngwa ditsabakedi di le pedi kwa morago, se le sengwe ka fa letlhakoreng lengwe le lengwe.
mo sekgaleng sa metara o le mongwe kwa morago ga serori sa go nna jwalo gongwe mo kopanong ya dirori; le fa e le gore go na le kopano ya dirori e e nang le kolotsana, mo sekgaleng sa dimitara di le 3 fa pele ga kolotsana; le ditsabakedi tse di tshetlha ka bontsintsi jo bo ka tlhokegang go netefatsa gore ga go nne le sekgala sa go feta dimitara di le 3,6 magareng ga ditsabakedi tse di tshetlha di le pedi mo letlhakoreng lengwe le lengwe.
Go tloga ka di 1 Ferikgon 2001, go tshwanetse ga tsenngwa materiale o mosetlha wa setsabakedi (jaaka o rebotswe), mo matlhakoreng le kwa morago ga dirori tsotlhe tsa dithoto tse e leng gore boima jotlhe jwa serori bo feta dikilogerama di le 10000.
Dirori tsa dithoto tse boima jwa tsona bo sa feteng dikilogerama di le 10000 di ka tsenngwa dikgetshana tseo mo matlhakoreng le kwa morago, le fa seo ga se patelesege. Le gale fa go ka tsenngwa materiale o mosetlha wa setsabakedi mo seroring sa dithoto, ga go tlhokege ditsabakedi tse di tshetlha tse di kailweng fa godimo.
go obamela taelo ya letshwao la tsela gongwe e e ntshiwang ke motlhankedi wa pharakano yo o apereng junifomo; kgotsa ka kopo gongwe taelo ya letshwao la motho yo o eteletseng pele gongwe a palame phologolo ya ditlhakwana le dinaka, pitsi, tonki, mmoulo, nku, podi, kolobe kgotsa ntšhwe mo tseleng.
Fa o kgweetsa serori se se boima mo tseleng ya botlhe e e arogantsweng ka melana ya pharakano ka tiriso ya matshwao a tsela, mokgweetsi ga a kitla a tswa mo molaneng o mongwe go ya go o mongwe ntle le fa fela a ka dira jalo kwa ntle ga go kgoreletsa gongwe go tsenya pharakano e nngwe mo kotsing.
Mokgweetsi wa serori yo o ikaelelang go ema, kgotsa go faposa serori sa go nna jalo go ya kwa molemeng gongwe kwa mojeng, o tla bontsha maikaelelo a gagwe ka letshwao le le bonalang, le le ka bonwang ke motho mongwe le mongwe yo o tlhagang kwa pele gongwe kwa morago le fa e le kwa letlhakoreng, mme o tla dira jalo sebaka se se lekaneng go tsibosa motho mongwe le mongwe wa go nna jalo ka maikaelelo a gagwe.
Molao o o malebana le mabanta a pabalesego o matswakabele e le ruri. Ntle le gore o farologanya bana le bagolo, o akaretsa fela batho ba ba bogolo jwa dingwaga di le tharo le go feta.
ngwana o tlhalosiwa e le motho yo o bogolo jwa magareng ga dingwaga di le 3 le 14, ntle le fa motho wa go nna jalo a le boleele jwa go feta dimitara di le 1,5, moo a tsewang e le mogolo go sa kgathalelwe dingwaga tsa gagwe, mme mogolo o tlhalosiwa e le motho yo o bogolo jwa go feta dingwaga di le 14.
tla nnang setilo se se senang lebanta la pabalesego se le mo moleng wa ditilo, ntle le fa ditilo tse dingwe tse di mo moleng wa go nna jalo tse di nang le mabanta a pabalesego di setse di tshotswe.
o dirisa sengwe se se maleba sa go kganela ngwana fa se le gona; kgotsa fa go sena sepe se se kganelang ngwana, o ipofa ka lebanta la pabalesego fa le le gona.
Fa go sena setilo se se nang le lebanta la pabalesego, mokgweetsi o tla netefatsa gore ngwana o tla nna kwa setilong se se kwa morago fa serori sa go nna jalo se na le setilo sa kwa morago.
Ga go patelesege gore o ipofe ka lebanta fa o kgweetsa serori ka samorago gongwe o se tsenya gongwe go se ntsha mo lefelong la go phaka.
go kgontsha mokgweetsi go nna le pono e e lekaneng gore a kgweetse ka pabalesego, go nna sa galase e e babalesegileng, mme se kgone go tsenya lesedi la bonnye 70% ka sesiraphefo.
Serori se se boima se se nang le sesiraphefo se tshwanetse go tsenngwa bonnye sephimodi sa sesiraphefo se le sengwe mme se tshwanetse gore fa se dirisiwa, se phimole lentle la sesiraphefo fa pele ga mokgweetsi, ntle le go ema, sentle le mo go lekaneng.
gore se seke sa ntsha gase ya sentshamosi gongwe mosi o o tswang mo enjeneng o le montsi mo e bileng o tenang, gongwe o sitisa pono ya badirisi ba bangwe ba tsela, kgotsa go nna mo seemong se e leng gore ole kgotsa diedi tse dingwe tsa dituki di kitla di rothela gongwe go wela mo go sona, go tlhokomela mo e leng gore gase ya sentshamosi gongwe mosi ga o fetele mo lephateng la mokgweetsi gongwe ka fa karolong ya bapalami ya serori.
fa tanka ya peterolo e sena sekhurumelo se se dirang ka tolamo; kgotsa ntle le fa mathale a motlakase le beteri di tsentswe sentle, di khurumeditswe le go tlhokomelwa mo eleng gore mathale ao le beteri ga di tsewe di ka baka kotsi.
Enjene ya serori se se boima e tshwanetse go khurumediwa gore e seke ya baka kotsi.
Ga gona motho ope yo o tla dirisang serori mo tseleng ya botlhe ka mokgwa o o tla bakang modumo o o tseneletseng.
Serori se se boima se se diretsweng gongwe se na le bokgoni jwa go fitlhelela lebelo la dikilometara di le 60 ka ura gongwe go feta, se tshwanetse go nna le sesupalebelo se se dirang ka tolamo.
Go na le lebelo la kakaretso le le lekanyeditsweng mo ditseleng tsotlhe mme ga le a tshwanela gore ka gale le bontshiwe ka letshwao la pharakano.
dikilometara di le 100 ka ura le tla dira malebana le tsela nngwe le nngwe ya botlhe ntle le tselafefo, e e fitlhelwang kwa ntle ga motsesetoropo; le dikilometara di le 120 ka ura le tla dira mo tselafefong nngwe le nngwe.
kopano ya dirori e e nang le dirori tsa dithoto, e ka nna serori se se gogang, le kolotsana gongwe di le pedi tse e leng gore boima jotlhe jwa serori sa dithoto le kolotsana gongwe dikolotsana bo feta dikilogerama di le 9 000; kgotsa serori se se tshwaragantsweng se e leng gore boima jo bo tlhakantsweng jwa lori-terekere bo feta dikilogerama di le 9000.
bese, le thekisi e e dirisediwang go rora batho ba ba duelang.
Molao o tlamela ka tekanyetso ya boleele jwa mefuta e e rileng ya dirori.
kolotsana (e seng seka-kolotsana) e boima jotlhe jwa yona bo leng kwa tlase ga dikilogerama di le 12 000 - ga e kitla e feta dimetara di le 8.
bese e sekgala se se magareng ga melagare ya dithaere tsa maotwana a mabedi a kwa pele se fetang dimetara di le 1,9, fa e le gore bophara jwa bese eo ka kakaretso bo feta dimetara di le 2,6.
serori sa dithoto se e leng gore boima jotlhe jwa sona ke dikilogerama di le 12 000 gongwe go feta, fa bophara jwa sona ka kakaretso bo feta dimetara di le 2,6, kgotsa serori sengwe fela, fa bophara jwa sona ka kakaretso bo feta dimetara di le 2,5.
Mo mabakeng a tshoganyetso, go letleletswe gore go ka gogiwa serori se sengwe se e seng kolotsana gammogo le kolotsana.
a bonnye dimilemetara di le 350 fa godimo ga bogodimo jo batho bao ba ntseng mo go bona; kgotsa b bonnye dimilemetara di le 900 fa godimo ga bogodimo jo batho bao ba emeng mo go bona.
Lebelela setshwantsho mo tsebe...
Nako nngwe le nngwe fa tsela ya botlhe e arogantswe ka ditsela di le pedi gongwe go feta, ga go motho ope yo o tla kgweetsang serori mo tseleng eo ya botlhe ntle le fela ka fa tseleng e e ka fa letsogong la molema, ntle le fa a kaelwa gongwe a letlwa ke letshwao le le maleba la pharakano gongwe motlhankedi wa pharakano go dirisa tsela e nngwe.
moo go ka diriwang ntle le go kgoreletsa gongwe go tsenya pharakano e nngwe mo kotsing, kgotsa go latela taelo ya motlhankedi wa pharakano gongwe letshwao la pharakano.
fa batho le dirori tse di mo tseleng ya go nna jalo di bonala sentle mo sekgaleng sa bonnye dimetara di le 150.
fa di le mo seduting, seduti seo se tshwanetse o bofelelwa ka tolamo ka bonnye mafuto a le mane.
Fa o kgweetsa serori se se boima, ga go a tshwanela go nna le dithoto tse di betologang go feta dimilemetara di le 300 go feta ntlha e e kwa pele ya serori, ga go a tshwanela go nna le dithoto tse di betologang go feta dimetara di le 1,8 go feta ntlha e e kwa morago ya serori, mme ga go a tshwanela go nna le diborakete (go sa akarediwe tsa diipone tse di mo matlhakoreng tse di bontshang kwa morago) tse di tsentsweng mme di betologa go feta dimilemetara di le 150 mo letlhakoreng.
folaga gongwe difolaga tse di khibidu mo motshegareng, le ditsabakedi mo bosigong, gongwe ka nako nngwe le nngwe e batho le dirori di sa kgoneng go bonala sentle ka ntlha ya maemo a a seng monate. Ditsabakedi tse ditshweu kwa pele mme tse dikhibidu kwa morago.
Mokgweetsi wa serori yo o ikaelelang go feta serori sengwe le sengwe se se lebileng kwa ntlheng e le nngwe le ena mo tseleng ya botlhe o tla feta kwa mojeng wa sona mo sekgaleng se se babalesegileng mme ga a kitla a boela gape ka fa letlhakoreng la molema la tsela go fitlhelela a fetile serori seo ka pabalesego.
tsela eo e dirisiwa fela ke dirori tse di yang kwa ntlheng e le nngwe mme e arogantswe ka mela ya pharakano ka matshwao a a maleba a pharakano; kgotsa a kgweetsa go latela taelo ya motlhankedi wa pharakano.
Fa fela e le gore go feta moo ga go kitla go nna le moo go tla nnang le go feta ka go kgweetsa mo thoko ga tsela gongwe mo mokwatleng wa tsela ya botlhe.
a ka kgona o dira jalo ntle le go kgoreletsa letlhakore la moja la tsela; gongwe tsela eo e dirisiwa fela ke dirori tse di yang kwa ntlheng e le nngwe.
kgweeletsa gaufi le mokwatla wa ka fa molemeng wa tsela ka moo o ka kgonang ka teng, ntle le go itsenya mo kotsing, go tsenya mo kotsing pharakano e nngwe gongwe dithoto, mme o seke wa oketsa lebelo la serori sa gago go fitlhelela serori se sengwe se feta.
Fa mokgweetsi a le gaufi le go fapaana le pharakano e e tswang kwa pele, o tshwanetse go netefatsa gore serori sa gagwe ga se kgoreletse tsela e e ka fa mojeng wa gagwe ka mokgwa o o tla kgoreletsang gongwe o tsenya pharakano e e tswang kwa pele mo kotsing.
Mokgweetsi wa serori yo o ikaelelang go feta bese e e emisitseng o tshwanetse go dira jalo ka kelotlhoko a lebeletse pabalesego ya batho ba ba yang gongwe ba tswa, kgotsa ba ba ka yang gongwe ba ka tswang mo beseng ya go nna jalo.
Kgotsa mo karolong nngwe ya tsela (go sa akarediwa kwa thoko ga tsela) ya botlhe kwa ntle ga motsesetoropo kgotsa karolo nngwe ya serori sa go nna jalo e le sekgala sa metara gaufi le mokwatla wa tsela ya go nna jalo.
Ga go motho ope yo o tla phakang serori mo setlhakatlhakeng sa pharakano gongwe mo lefelong la batsamayakadinao gongwe mo moleng wa batsamayakadinao.
mo makgabaganyong a seporo mo sekgaleng sa dimetara di le robongwe ka fa letlhakoreng le a tlhagang ka fa go lona gaufi le makgabaganyo a a tshwailweng a batsamayakadinao; kgotsa mo lefelong lengwe le lengwe le go emisa serori go ka bakang kotsi kgotsa go kgoreletsa pharakano e nngwe.
reng fa serori sa go nna jalo se phakilwe gongwe se eme fa thoko ga tsela ya go nna jalo, a se kgweetse go tswa mo seemong seo ntle le fa a ka kgona go dira jalo ntle le go kgoreletsana le pharakano e e tsamayang go tswa kwa ntlheng nngwe le nngwe mme e le ka pabalesego go ena le ba bangwe.
Ga gona motho ope yo o ka kgweetsang, gogang ongwe go kgorometsa serori mo tselanathokong ya dinao.
Mokweetsi Wa serori o tshwanetse go emisa go se nene go naya tsela, go iketla gongwe go emisa, fa go tlhokega go naya sebaka motsamayakadinao yo o kgabaganyang tsela fa makgabaganyong a batsamayakadinao.
Nako le nako fa serori se eme fa makgabaganyong a batsamayakadinao, mokgweetsi wa serori se sengwe a seke a feta serori se se emisitseng.
se tla tsewa se phuagantswe ke mong wa sona.
go dirisa ditšhoko gongwe dikhurumelo Mo gare ga leotwana lengwe le lengwe la serori se se tsamayang mo tsleng le mo bogodimong jwa tsela eo; kgotsa go dirisa serori sengwe le sengwe kgotsa selo kgotsa go tsamaisa serori kgotsa sengwe mo tseleng ka mokgwa o o ka bakang tshenyo moo?
serori sa boima jo bo sa feteng dikilogerama di le 230 mme se diretswe, agetswe gongwe se siamiseditswe go dirisiwa ke motho yo o sa itekanelang mo mmeleng; kgotsa terekere, ntle le fa terekere ya go nna jalo e dirisiwa malebana le kago gongwe tlhokomelo ya tselafefo.
mo lefelong le le beetsweng thoko go emisa gongwe go phaka dirori ka letshwao le le maleba la pharakano; kgotsa ka mabaka mangwe a a seng mo taolong ya gagwe.
dirang letshwao la letshogo a kgweetsa serori mo tselafefong ntle le fa e le mo mabakeng a a seng mo taolong ya gagwe.
tsamayang ka maoto mo tselafefong tlogelang gongwe go letla diphologolo mo tselafefong gongwe go tlogela phologolo mo lefelong le go tswa mo go lona e ka elang kwa tselafefong.
fa serori se se gogiwang se rora batho ka lebelo le le fetang dikilometara di le 30 ka ura, ntle le fa serori se se gogiwang e le sekakolotsana.
Serori sengwe le sengwe se se boima (sa boima jo bo fetang dikilogerama di le 3 500), se se dirisiwang mo tseleng ya botlhe, se tshwanetse go nna le bonnye letshwao la tsiboso la tshoganyetso le le lengwe fela mo seroring seo.
Fa seriro seo se eme mo tseleng ya botlhe, mokgweetsi wa serori seo o tshwanetse go bontsha bonnye letshwao le le lengwe fela la tsiboso la tshoganyetso.
Mokgweetsi wa serori ga a kitla a kgabaganya tsela ya botlhe ntle le fa tsela e sena pharakano mo sekgaleng se se lekaneng go mo letla go kgabaganya tsela ntle le go kgoreletsa gongwe go tsenya pharakano mo kotsing.
Mokgweetsi wa serori ga a kitla a tsena mo tseleng ya botlhe ntle le fa a ka dira jalo ka pabalesego go lebilwe ena le pharakano e nngwe.
Serori se se boima se tshwanetse go tsenngwa dithaere tsa mofuta wa nyumatiki tse di bontshang go thadisiwa go go bonalang sentle go ralala bophara le bogolo jotlhe jwa tsona mme e na le sola e e boteng jwa bonnye milimetara o le mongwe.
fa a sa tlhagisa leina le aterese ya gagwe gongwe ya mong wa serori, le nomorokwadiso go motlhankedi wa pharakano kwa lefelong la kotsi, a di bege mo sebakeng sa diura di le 24 kwa seteiseneng sa mapodisi mme a tlamele gape ka tshedimosetso nngwe le nngwe ya tlaleletso e e ka tlhokegang go tswa mo go ena.
a seke, ntle le fa a laelwa ke ngaka, a tsaya nnotagi gongwe diritibatsi pele ga a ka bega kotsi.
Fa go na le motho yo o tlhokafetseng gongwe yo o gobetseng mo kotsing, mme kotsi ya go nna jalo e le sekgoreletsi mo tseleng, ga gona serori sepe se se tshwanetseng go tlosiwa mo seemong se se emeng ka sona, ntle le fela fa seemo seo se tshwailwe sentle mo godimo ga tsela ke motho yo o sutisang serori, gongwe go sutisiwa goo go rebotswe ke motlhankedi wa pharakano.
Ga gona motho ope yo o tla kgweetsang serori mo tseleng ya botlhe ntle le go kgathalela motho mongwe le mongwe yo o dirisang tsela.
ka botlhaswa; le ka tsela e e nyatsang ka bomo pabalesego ya batho le dithoto.
kgweetsang serori mo tseleng ya botlhe; kgotsa a tla nnang mo setilong sa mokgweetsi sa serori se enjene ya sona e dumang, a le mo taolong ya nnotagi gongwe seritibatsi se se bolayang bogatsu.
Setshwantsho sa serori ka fa gare gammogo le didiriswa tsa taolo di tshwailwe ka dinomoro.
Moithuti wa go kgweetsa ga a tshwanela go leka go kgweetsa serori sepe pele ga a ka tlhaloganya ka botlalo didiriswa tsa taolo ya serori.
Go tsibosa badirisi ba bangwe ba tsela ka maikaelelo a mokgweetsi.
Go lemosa batsamayakadinao gore serori se teng.
Go netefatsa gore serori se se phakilweng ga se sute.
Di kgontsha mokgweetsi go ela tlhoko maemo a pharakano kwa morago.
A dirisediwa go laola lebelo la serori kgotsa go se semisa tsi!
Matshwao a taolo a dirisediwa go laola le go lekanyetsa se se dirwang ke badirisi ba tsela ka gore ba tla dira gongwe ba seke ba dire sengwe se se riling jaaka go laelwa ke matshwao a go nna jalo.
Emisa serori sa gago gore ntlha e e kwa pele ya sona e lebagane le letshwao, kgotsa fa go dirisiwa mola wa kemiso gammogo le letshwao, o emise fela fa morago ga mola wa kemiso, mme o seke wa tswelela pele go fitlhelela go babalesegile go ka dira jalo.
Le go kaela gore o emise serori gotlhelele, kgotsa gore o tswelele pele fa go babalesegile go ka dira jalo, fa o batla go fapogela wka molemeng.
Fa o tla o labile letshwao leno, o tshwanetse go dira jaaka o dira fa letshwaong la kemiso, mme o seke wa tswelela pele go kgabaganya makopanelo go fitlhelela dirori tsotlhe tse di emeng pele ga gago kwa moleng o mongwe wa kemiso fa makopanelong, le tse di tla kgabaganyang mo tseleng ya gago di sena go feta mo makopanelong.
Fa o tla o lebile letshwao leno, o tshwanetse go dira jaaka o dira fa letshwaong la kemiso, mme o seke wa tswelela pele go kgabaganya makopanelo go fitlhelela dirori tsotlhe tse di emeng pele ga gago kwa moleng o mongwe wa kemiso fa makopanelong, le tse di tla kgabaganyang mo tseleng ya gago di sena go feta mo makopanelong.
Fa o tla o lebagane le letshwao leno, o tshwanetse go naya pharakano yotlhe e e mo tseleng e e kopanang le e o leng mo go yona, tshwanelo ya go feta fa ele gore pharakano eo e gaufi mo e ka tlhagisang kotsi kgotsa matshosetsi a kotsi.
Kwa matsenong a tsela.
Ga o a tshwanela go tsena mo tseleng gongwe lefelong leno.
Fa o tla o labile sedikwana, o tshwanetse go naya tshwanelo ya o feta go pharakano nngwe le nngwe e e tla kgabaganyang fa moleng wa boineelo pele ga gago le e e tla kgabaganyang tsela ya serori sa gago.
Fa go kopanang mebila e le mebedi gongwe go feta mme go nna le setlhaketlhake sa pharakano.
Ka gale tsamaela ka fa ntlheng ya molema ka fa gare ga sediko mme o neye tshwanelo ya go feta go pharakano e e tlhagang ka fa mojeng mo teng ga sediko.
Go tla letlwa fela batsamayakadinao mo lefelong leno.
Go tla letlwa dirori tse di latelang fela mo lefelong leno.
Fa o tla o labile letshwao leno, lebelela gore a go na le batsamayakadinao mme fa go tlhokega, o neye batsamayakadinao botlhe tshwanelo ya go feta.
Le supa gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e beetswe thoko go dirisiwa ke batsamayakadinao fela.
Tsela nngwe le nngwe ya botlhe gongwe karolo ya yona.
O seke wa fetela gongwe go kgoreletsa mo karolong nngwe fela ya tsela ya botlhe e e beetsweng thoko go dirisiwa ke batsamayakadinao fela.
Batsamayakadinao ga ba a tshwanela go tsamaya go feta letshwao la go nna jalo.
Tsela nngwe le nngwe ya botlhe gongwe karolo ya yona.
Batsamayakadinao ga ba a tshwanela go tswelela go feta letshwao leno.
Go supetsa modirisi wa tsela go tswelela go ya kwa ntlheng e le nngwe fela, jaaka go supilwe mo letshwaong la tsela.
Le kaela modirisi wa tsela go ineela go naya pharakano e e tlhagang kwa pele tshwanelo ya go feta mme a tswelele pele fa fela go babalesegile go ka dira jalo.
Mo bophara jwa tsela bo lekanyeditsweng.
Fokotsa lebelo kgotsa o emise fa go tlhokega, go naya pharakano e e tlhagang kwa pele tshwanelo ya go feta mme o tswelele pele fa fela go babalesegile go ka dira jalo.
Le kaela modirisi wa tsela go fetela kwa fa ntlheng ya molema fela, jaaka go motsu o kaela, wa sekgoreletsi se se mo tseleng se letshwao leno le beilweng mo go sona.
Ka gale feta ka fa ntlheng ya molema ya sekgoreletsi se se mo tseleng se letshwao leno le beilweng mo go sona.
Tswelela fela mo ntlheng e e kaelwang ke motsu o o mo letshwaong leno.
Tswelela fela mo ntlheng e e kaelwang ke motsu o o mo letshwaong leno.
Le kaela modirisi wa tsela go tswelela fela mo ntlheng e e supiwang ke motsu o o mo letshwaong kwa marakanelong a a kwa pele.
Tswelela fela mo ntlheng e e kaelwang ke motsu o o mo letshwaong leno, lwa marakanelong a a kwa pele.
Le kaela modirisi wa tsela go tswelela fela mo ntlheng e e supiwang ke motsu o o mo letshwaong kwa marakanelong a a kwa pele.
Tswelela fela mo ntlheng e e kaelwang ke motsu o o mo letshwaong leno, lwa marakanelong a a kwa pele.
O seke wa fapogela kwa molemeng kwa marakanelong a ditsela kgotsa kwa matsenong a a kwa pele.
O seke wa fapogela kwa mojeng kwa marakanelong a ditsela kgotsa kwa matsenong a a kwa pele.
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke a fapogelwa ka fa molemeng.
O seke wa fapogela kwa molemeng fa o bonang letshwao leno gona.
Le kaela modirisi wa tsela gore tekanyetso ya lebelo e e mo letshwaong leno ke lebelo le le kailweng e le dikilometara ka ura.
Mo tseleng ya botlhe e mo go yona tekanyetso ya lebelo e leng dikilometara di le 100 ka ura.
O seke wa feta lebelo la go nna jalo ka go kgweetsa ka bonako go gaisa lebelo le le kailweng mo letshwaong leno.
Le kaela modirisi wa tsela lebelo la minimamo le le letleletsweng mo tseleng eno kgotsa mo karolong ya tsela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe gongwe mo karolong ya tsela ya botlhe mo e leng gore serori ga se a tshwanela go kgweediwa ka lebelo le le kwa tlase ga dikilometara di le 50 ka ura.
O seke wa kgweetsa ka lebelo le le kwa tlase ga lebelo le le kailweng mo letshwaong leno.
Le kaya gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e dirisiwa fela ke dirori tsa dithoto tse di nang le boima jwa serori gongwe boma jo bo tlhakaneng jo bo fetang boima jo bo kailweng mo letshwaong.
Mo tseleng nngwe ya botlhe gongwe mo karolong ya teng.
Ga go serori sepe ntle le se se kailweng mo letshwaong se se tshwanetseng go kgweediwa mo tseleng eno.
Le kaya gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e beetswe thoko go dirisiwa ke mebotorokara fela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe gongwe mo karolong ya yona.
Ga go serori sepe ntle le se se kailweng mo letshwaong se se tshwanetseng go kgweediwa mo tseleng eno.
Le kaya gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e beetswe thoko go dirisiwa ke bapalami ba dibaesekele fela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe gongwe mo karolong ya yona.
Ga go serori sepe ntle le se se kailweng mo letshwaong se se tshwanetseng go kgweediwa mo tseleng eno.
Le kaya gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e beetswe thoko go dirisiwa ke dibese fela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe gongwe mo karolong ya yona.
Ga go serori sepe ntle le se se kailweng mo letshwaong se se tshwanetseng go kgweediwa mo tseleng eno.
Le kaya gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e beetswe thoko go dirisiwa ke dirori tse di rorang dithoto fela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe gongwe mo karolong ya yona.
Ga go serori sepe ntle le se se kailweng mo letshwaong se se tshwanetseng go kgweediwa mo tseleng eno.
Le kaya gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e beetswe thoko go dirisiwa ke dirori tsa dithoto fela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe gongwe mo karolong ya yona.
Ga go serori sepe ntle le se se kailweng mo letshwaong se se tshwanetseng go kgweediwa mo tseleng eno.
Le supa tsela e e duelelwang.
Fa tsela e e duelelwang e simololang gona.
Fa o ka tswelela mo tseleng eno o tla tshwanela go duela. Fa o sa batle go duela o tla tshwanela go dirisa tsela e nngwe e e kailweng.
Le kaela modirisi wa tsela gore a tshube dipone tse dikgolo tsa serori gore di tlhagise marang a a fokoditsweng.
Mo tseleng ya botlhe fa pono e sa tlhapa.
Netefatsa gore dipone tsa serori tsa gago di tshubilwe.
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke a letsa sediriswa sa tsiboso hutara sa serori sebaka sa dimetara di le 100 morago ga go feta letshwao leno.
Mo tseleng epe ya botlhe moo go kopiwang tidimalo gona.
O seke wa dirisa hutara ya serori sa gago (sediriswa sa tsiboso), ntle le fa go sena gore o ka tila seo, sebaka sa sekgala sa bonnye dimetara di le 100 go feta letshwao leno.
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke a tswelela go feta letshwao leno ntle le fa a letleletswe go dira jalo.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
O seke wa dirisa tsela gongwe karolo ya yona fa o fitlhelang letshwao leno le beilwe gona ntle le fa o neilwe tetla.
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke a sega tsebe serori se sengwe se se yang kwa ntlheng e le nngwe le ena mo sekgaleng sa dimetara di le 500 morago ga go feta letshwao leno.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe e mo go yona go leng kotsi go sega tsebe gongwe go feta serori se sengwe gore go ka letlelelwa.
Fokotsa lebelo mme o iketle fa morago ga pharakano e e iketlileng sebaka sa bonnye dimetara di le 500 morago ga go feta letshwao leno.
Mo tseleng nngwe le nngwe e mo go yona go dira thetologo ya U go ka tlhagisetsang wena gongwe badirisi ba bangwe ba tsela kotsi.
Tswelela ka tlhamalalo go fitlha go babalesegile go ka dira thetologo ya U.
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke a phaka serori mo karolong nngwe fela ya tsela ya botlhe foo letshwao leno le beilweng gona.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe foo go phaka serori go ka bakang kotsi go wena gongwe modirisi yo mongwe wa tsela.
Tswelela ka tlhamalalo go fitlha go babalesegile gongwe go phaka go letlelesegile.
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke a emisa serori mo tseleng gongwe go bapa le tsela ya botlhe foo letshwao leno le beilweng gona.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe foo go emisa serori go ka bakang kotsi go wena gongwe modirisi yo mongwe wa tsela.
Tswelela ka tlhamalalo go fitlha go babalesegile gongwe go emisa go letlelesegile.
O seke wa tswelela go feta letshwao leno, fa o kgweetsa serori se se tshwanang le se se kailweng mo letshwaong.
Le kaela mokgweetsi wa serori gore a seke a feta letshwao leo ntle le fa bophara jwa serori sa gagwe ka kakaretso bo le kwa tlase ga bophara jo bo kailweng mo letshwaong.
Le kaela mokgweetsi wa serori se se nang le mmese wa morwalo wa ase o o fetang morwalo wa ase o o kailweng mo letshwaong, gore a seke a tswelela go feta letshwao leno.
Fa mmese wa morwalo wa ase wa serori sa gago o feta tekanyetso ya mmese wa morwalo o o kailweng mo letshwaong, o seke wa tswelela go feta letshwao leno.
Le kaela mokgweetsi wa serori gore a seke a tswelela go feta letshwao leno ntle le fa e le gore bogodimo jwa serori sa gagwe ka kakaretso bo kwa tlase ga bogodimo jo bo kailweng mo letshwaong.
Fa bogodimo jwa serori sa gago bo feta tekanyetso ya bogodimo e e kailweng mo letshwaong, o seke wa tswelela go feta letshwao leno.
Le kaela mokgweetsi wa serori se boleele jwa sona bo fetang boleele jo bo kailweng gore a seke a tswelela go feta letshwao.
Fa boleele jwa serori sa gago bo feta tekanyetso ya boleele e e kailweng mo letshwaong, o seke wa tswelela go feta letshwao leno.
Mo tseleng ya botlhe gongwe mo karolong ya yona, mo e leng gore tiriso ya tsela ya go nna jalo gongwe karolo ya yona, e letleletswe go dirori tse di kailweng mo letshwaong fela.
Fa o le mokgweetsi wa serori sengwe fela ntle le se se kailweng mo letshwaong o seke wa tswelela go feta letshwao.
Mo tseleng ya botlhe gongwe mo karolong ya yona, mo e leng gore tiriso ya tsela ya go nna jalo gongwe karolo ya yona, e letleletswe go dirori tse di kailweng mo letshwaong fela.
Fa o le mokgweetsi wa serori sengwe fela ntle le se se kailweng mo letshwaong o seke wa tswelela go feta letshwao.
Mo tseleng ya botlhe gongwe mo karolong ya yona, mo e leng gore tiriso ya tsela ya go nna jalo gongwe karolo ya yona, e letleletswe go dirori tse di kailweng mo letshwaong fela.
Fa o le mokgweetsi wa serori sengwe fela ntle le se se kailweng mo letshwaong o seke wa tswelela go feta letshwao.
Le kaya gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e beetswe go dirisiwa ke dirori tse di rorang dithoto tse dikotsi fela.
Mo tseleng ya botlhe gongwe mo karolong ya yona, mo e leng gore tiriso ya tsela ya go nna jalo gongwe karolo ya yona, e letleletswe go dirori tse di kailweng mo letshwaong fela.
Fa o le mokgweetsi wa serori sengwe fela ntle le se se kailweng mo letshwaong o seke wa tswelela go feta letshwao.
Le kaya gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e beetswe thoko jaaka bopalamelo jwa bese jwa dibese tse sekano gongwe matshwao kgotsa sengwe fela sa tsona se fitlhelwang mo letshwaong.
Mo tseleng ya botlhe gongwe mo karolong ya yona, mo e leng gore tiriso ya tsela ya go nna jalo gongwe karolo ya yona, e letleletswe go dirori tse di kailweng mo letshwaong fela.
Fa o le mokgweetsi wa serori sengwe fela ntle le se se kailweng mo letshwaong o seke wa tswelela go feta letshwao.
Le kaya gore karolo ya tsela ya botlhe ke mola wa bese mme o beetswe thoko go dirisiwa ke dibese fela.
Mo tseleng ya botlhe gongwe mo karolong ya yona, mo e leng gore tiriso ya tsela ya go nna jalo gongwe karolo ya yona, e letleletswe go dirori tse di kailweng mo letshwaong fela.
Fa o le mokgweetsi wa serori sengwe fela ntle le se se kailweng mo letshwaong o seke wa tswelela go feta letshwao.
Le kaela badirisi ba tsela gore go simologa tselafefo ya tselanngwe.
Nna o butse matlho go bona pharakano e nngwe e e tlhagelelang mo matsenong.
Le kaela badirisi ba tsela gore go simologa tselafefo ya tselapedi.
Nna o butse matlho go bona pharakano e nngwe e e tlhagelelang mo matsenong.
Letshwao leno le kaela batsamayakadinao gore ba seke ba tswelele go feta letshwao leno mo nakong e e kailweng mo letshwaong.
Batsamayakadinao ga ba a letlelelwa go tswelela go feta letshwao leno mo nakong e e kailweng mo letshwaong.
Letshwao leno le kaela badirisi ba tsela gore ga go a letlelelwa go emisa mo dinakong tse di kailweng mo letshwaong.
Bakgweetsi ba dirori ga ba a letlelelwa go emisa mo letshwao le beilweng gona ka dinako tse di kailweng mo letshwaong.
Letshwao leno le kaela badirisi ba tsela gore go phaka go letleletswe mo pakeng e e lekanyeditsweng mo nakong e e kailweng mo letshwaong.
Go phaka go letleletswe, fela ga go a tshwanela go feta nako e e lekanyeditsweng mo nakong e e kailweng mo letshwaong.
Fa go lebilwe makopanelo ditsela tse dikgolo di le pedi di kgabaganyang mo go ona.
Fokotsa lebelo mme o nne o butse matlho go bona pharakano e e tlhagang kwa molemeng le kwa mojeng.
Fa o tla o labile marakanelo a T moo ditsela di le pedi di kopanang gona.
Fokotsa lebelo mme o eme fa go tlhokega. Tswelela pele fa fela go babalesegile.
Fa o tla o lebile marakanelo a T moo ditsela di le pedi di kopanang gona.
Fokotsa lebelo mme o eme fa go tlhokega. Tswelela pele fa fela go babalesegile.
Fa o lebile marakanelo moo tsela e nngwe e kopanang le e nngwe go tswa ka fa molemeng.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse pharakano e e tlhagang go tswa kwa molemeng.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore tsela e e nang le pharakano e e yang kwa dintlheng tsotlhe e a khutla mme o tloga a tsena mo tseleng ya ntlhanngwe.
Fa o lebile tselapedi e mo go yona pharakano e yang kwa ntlheng e le nngwe fela.
Ganelela ka fa molemeng ka moo go babalesegileng ka teng.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore tselanngwe e a khutla mme o tloga a tsena mo tseleng e e nang le pharakano e e yang kwa dintlheng tsotlhe.
Fa o lebile tsela e mo go yona pharakano e yang kwa dintlheng tsotlhe.
Ganelela ka fa molemeng ka moo go babalesegileng ka teng.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore go na le sedikwana gongwe sediko kwa pele.
Mo tseleng ya botlhe fa o lebile sedikwana gongwe sediko.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega, go naya pharakano e nngwe tshwanelo ya go feta.
Fa o lebile segoro mo tseleng.
Fokotsa lebelo go ya go le le tshwanetseng seemo.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka segoro se se bogale se se kwa pele ka fa molemeng.
Fa o lebile segoro mo tseleng.
Fokotsa lebelo go ya go le le tshwanetseng seemo.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka kobego e e bogale ya popego ya U kwa pele ka fa molemeng.
Fa o lebile kobego ya sepelete sa moriri mo tseleng.
Fokotsa lebelo go ya go le le tshwanetseng seemo.
Le lemosa modirisi wa tsela ka motseletsele wa digoro mo tseleng e e kwa pele o simolola ka segoro se se yang kwa molemeng.
Fa o lebile motseletsele wa digoro mo tseleng.
Fokotsa lebelo go ya go le le tshwanetseng seemo.
Le tsibosa modirisi wa tsela yo o mo tseleng ya ntlhanngwe gore tsela e e kwa pele e na le pharakano e e yang kwa dintlheng tsotlhe.
Fa o lebile tsela e e nang le pharakano e e yang kwa dintlheng tsotlhe.
Ganelela kwa molemeng ka moo go babalesegileng ka teng.
Le tsibosa modirisi wa tsela yo o mo tseleng ya ntlha-nngwe gore makgabaganyo a a latelang a na le pharakano ya ntlha-pedi.
Fa o lebile makopanelo a mo go ona makgabaganyo a nang le pharakano e e yang kwa dintlheng tsotlhe.
Ganelela kwa molemeng mme o nne o lebeletse pharakano go tswa kwa dintlheng tsotlhe.
Le tsibosa modirisiw a tsela gore karolo ya tsela e fokotsega ka bophara jo bo lekanang le mola go tswa ka fa ntlheng ya molema.
Moo tsela ya botlhe e e arogantsweng ka mela ya pharakano e e yang kwa ntlheng e le nngwe, e fokodiwang ka mola o le mongwe.
Fokotsa lebelo mme o fetole mela fa go tlhokega.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore dirori tse dingwe di ka tsena go tswa mo tsleng e e kwa pele go tsa mo mebileng e e mo dintlheng tsotlhe ka mokgwa o o ka dirang gore ka ntlha ya pono e e lekanyeditsweng ya sekgala, di ka nna kotsi mme go tshwanetse ga nniwa kelotlhoko tota.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe moo pharakano e ka kopanang go tswa mo mebileng e e sa bonweng ke badirisi ba tsela.
Fokotsa lebelo go ya go lebelo le le babalesegileng mo maemong ao mme o nne o lebeletse pharakano e e ka tlhagang go tswa mo dintlheng tsotlhe.
Fa o lebile makgabaganyo mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore go na le letshwao la kemiso kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go kailweng jalo gona.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore go na le thanele mo tseleng e e kwa pele.
Fa o lebile thanele mo tseleng ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o tshube dipone fa go tlhokega.
Fokotsa lebelo mme o eme fa go tlhokega go naya batsamayakadinao tshwanelo ya go feta.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo go ka solofelwang batsamayakadinao gona.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse batsamayakadinao mo tseleng.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo go ka solofelwang bana gona.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse bana mo tseleng.
Le lemosa modirisi wa tsela ka kgonagalo ya go nna teng ga bapalami ba dibaesekele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe e go ka solofelwang bapalami ba dibaesekele mo go yona.
Fokotsa lebelo mme o nne o labile bapalami ba dibaesekele mo tseleng.
Fokotsa lebelo mme o nne o labile diphologolo tse di tlhaga mo tseleng.
Le lemosa modirisi wa tsela ka kgonagalo ya go nna teng ga diruiwa tsa polase di ka ne di kgabaganya gongwe di tletsetletse mo tseleng ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o nne o labile diruiwa tsa polase mo tseleng.
Le lemosa modirisi wa tsela gore bophara jwa tela bo a fokotsega kwa borogong mo tseleng e e kwa pele.
Mo tseleng fa go lebilwe borogo fa bophara bo lekanyeditsweng gona.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Le lemosa modirisi wa tsela gore bophara jwa kago e e mo tseleng kwa pele bo kwa tlase ga dimetara di le tlhano.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe fa go lebilwe kago e bophara jwa yona bo leng kwa tlase ga dimetara di le 5.
Fokotsa lebelo, nna o lebeletse pharakano, mme o eme kwa matsenong fa serori se se tlhagang kwa ntlheng e nngwe se setse se le mo kagong, gongwe se le gaufi thata mo se ka bakang kotsi.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka makukunopu a lebelo mo tseleng e e kwa pele.
Fokotsa lebelelo go ya kwa lebelong le le siametseng maemo.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore go na le heke ya dirori kwa pele mo gare ga tsela.
Fa o lebile heke ya dirori mo tseleng ya botlhe.
Fokoletsa lebelo go ya go lebelo le le babalesegileng.
Fa o lebile heke ya dirori mo tseleng ya botlhe.
Fokoletsa lebelo go ya go lebelo le le babalesegileng.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Mo tseleng nngwe le nngwe mo go nnang le pitlagano gangwe le gape.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka mokgokolosa mo thoteng e e kwa pele.
Fa o lebile dithota gongwe mekgokolosa mo ditseleng tsa botlhe.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore ka ntlha ya thota e e fologelang kwa pele, dirori tse di boima di ka ne di tsamaya iketlo ka kere e e kwa tlase.
Fa o lebile dithota gongwe mekokolosa mo ditseleng tsa botlhe.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebile dirori tse di tsamayang ka iketlo kwa pele.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka kago e e kwa godimo e e nang le tekanyetso ya bogodimo jaaka go kailwe mo letshwaong.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe fa go na le tekanyetso ya bogodimo.
Fokotsa lebelo mme o netefatse gore bogodimo jwa serori sa gago (go akarediwa le morwalo), ga bo fete tekanyetso ya bogodimo jaaka e kailwe mo letshwaong.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore bophara jwa dirori ka kakaretso bo lekanyeditswe jaaka go kailwe mo letshwaong.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe fa go na le tekanyetso ya bophara.
Fokotsa lebelo mme o netefatse gore bophara jwa serori sa gago (go akarediwa le morwalo), ga bo fete tekanyetso ya bophara jaaka e kailwe mo letshwaong.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore tsela e e kwa pele e ngotlega go tswa mo matlhakoreng otlhe.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo tsela e e kwa pele e ngotlegang go tswa mo matlhakoreng otlhe.
Fokotsa lebelo mme o nne o labile pharakano e e tlang kwa pele.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore tsela e e kwa pele e ngotlega go tswa mo letlhakoreng la molema fela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo tsela e e kwa pele e ngotlegang go tswa mo letlhakoren le le lengwe fela.
Fokotsa lebelo mme o nne o labile pharakano e e tlang kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo bogodimo bo reledisang, go sa tshwenye gore seemo sa bosa ke sefe.
Fokotsa lebelo mme o ele tlhoko gore o seke wa relela fa o gata mariki.
Mo tsela ya botlhe e felelang mo losing lwa noka gongwe losi lwa molatswana.
Fokotsa lobelo mme o dire se se tshwanetseng.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo go nang le letsibogo kwa pele.
Fokoletsa lebelo go ya go le le siametseng seemo.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Nna o lebeletse dirori tse di tsamayang ka iketlo tsa temothuo.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore bogodimo jwa tsela e e kwa pele bo tla nna jwa mmu.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo tsela ya sekontere e felelang teng.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka kgonagalo ya pono e e fokotsegileng kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo go le gantsi pono e fokotsegang ka ntlha ya mosi, mouwane gongwe maemo a a tshwanang le ao.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse dilo tse di ka nnang kotsi.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka go nna teng ga difofane tse di fofelang kwa tlase gaufi le tsela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe gaufi le maemelafofane.
Solofela difofane gaufi le letshwao.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka mola o le mongwe wa seporo mo makgabaganyong a seporo.
Fa o lebile makgabaganyo a seporo.
Fokotsa lebelo mme o eme fa go tlhokega.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka mela e e fetang bongwe ya seporo mo makgabaganyong a seporo.
Fa o lebile makgabaganyo a seporo.
Fokotsa lebelo mme o eme fa go tlhokega.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka kgaoganyo ya tsela kwa pela e a tla tshwanelang go e feta ka fa molemeng kgotsa ka fa mojeng.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe pele fela ga foo go nang le kgonagalo ya kotsi gona mo tseleng.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka kgaoganyo ya tsela kwa pela e a tla tshwanelang go e feta ka fa molemeng kgotsa ka fa mojeng.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe pele fela ga foo go nang le kgonagalo ya kotsi gona mo tseleng.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka sekgoreletsi kgotsa paakanyo mo tseleng e ka nna go ya kwa mojeng gongwe kwa molemeng wa tsela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe pele fela ga sekgoreletsi se se ka neng se le ka fa mojeng gongwe molemeng wa tsela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo pharakano e faposediwang kwa mojeng.
Fokotsa lebelo go ya go lebelo le le siametseng maemo.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo pharakano e faposediwang kwa mojeng.
Fokotsa lebelo go ya go lebelo le le siametseng maemo.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore tsela ga e tswelele go feta makopanelo le gore go tshwanetse ga fapogelwa kwa mojeng gongwe kwa molemeng.
Fa o labile makopanelo a T mo tsela e khutlang mme o tshwanelwa ke go fapogela kwa mojeng gongwe kwa molemeng.
Fokotsa lebelo, mme o nne o ipaakanyeditse go ka ema, fa go lthokega.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore tsela ga e tswelele go feta letshwao.
Fa tsela ya botlhe e tswetswe gongwe tsela e khutla.
Fa tsela ya botlhe e tswetswe gongwe go sa letlelelwa go tsena.
Fokotsa lebelo mme o boele morago gonne ga o a letlelelwa go tsena.
Le lemosa modirisi wa tsela ka sekgoreletsi se se kwa godimo ga tsela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo go ka solofelwang sekgoroletsei go tswa kwa godimo ga tsela.
Fokotsa lebelo mme o netefatse gore serori sa gago ga se kitla se amana le sekgoreletsi.
Ano ke matshwao a tsela a a supang lefelo, ntlha, sekgala, ditlamelo, ditheo, mafelo a a kgatlhisang, mafelo a bojanala, kgotsa kopano ya dingwe tsa tseno, kgotsa letshwao la pharakano le le tlamelang ka tshedimosetso ka kakaretso kgotsa le naya badirisi ba tsela kgakololo.
Le kaela modirisi wa tsela gore botso jwa lebelo le le kwa godimo bo ka nna sekgala sa dimetara di le 300 kwa pele.
Fa o lebile botso, gantsi mo ditselafefong.
Fa o ikaelela go dirisa botso, diragatsa ditshupo tse di maleba go sa le gale, mme o fetole lebelo la serori sa gago ka tshwanelo.
Le kaela modirisi wa tsela gore botso jwa lebelo le le kwa godimo bo ka nna sekgala sa dimetara di le 200 kwa pele.
Fa o lebile botso, gantsi mo ditselafefong.
Fa o ikaelela go dirisa botso, diragatsa ditshupo tse di maleba go sa le gale, mme o fetole lebelo la serori sa gago ka tshwanelo.
Le kaela modirisi wa tsela gore botso jwa lebelo le le kwa godimo bo ka nna sekgala sa dimetara di le 100 kwa pele.
Fa o lebile botso, gantsi mo ditselafefong.
Fa o ikaelela go dirisa botso, diragatsa ditshupo tse di maleba go sa le gale, mme o fetole lebelo la serori sa gago ka tshwanelo.
Le kaela modirsi wa tsela gore tsela e e kwa pele ga letshwao leno ga e fetege.
Kwa makgabaganyong mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe, go tsibosa modirisi wa tsela gore tsela eno ga e fetege.
O seke wa dirisa tsela eno fa o ikaelela go tswelela pele.
Le kaela modirsi wa tsela gore tsela e e yang kwa mojeng ga e fetege.
Kwa makgabaganyong mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe, go tsibosa modirisi wa tsela gore tsela e e yang kwa mojeng ga e fetege.
O seke wa dirisa tsela eno fa o ikaelela go tswelela pele go ya kwa mojeng..
Le kaela modirsi wa tsela gore tsela e e yang kwa molemeng ga e fetege.
Kwa makgabaganyong mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe, go tsibosa modirisi wa tsela gore tsela e e yang kwa molemeng ga e fetege.
O seke wa dirisa tsela eno fa o ikaelela go tswelela pele go ya kwa molemeng.
Le kaela modirisi wa tsela gore pharakano mo tseleng e a leng mo go yona e na le tshwanelo ya tsela kwa makgabaganyong a a kwa pele.
Kwa makgabaganyong jaaka didiko tsa pharakano, mo molawana wa ka gale wa tshwanelo ya tsela o sa direng gona.
Le fa o na le tshwanelo ya tsela, fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse dirori tse di ka sekeng tsa nna boineelo go go naya tshwanelo ya tsela.
Le kaela badirisi ba tsela gore go na le phaka le maemelo a dipalangwa.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe e e gaufi le phaka le lefelo la go palama.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse dirori gongwe batsamayakadinao ba ba tswang gongwe ba tsena mo lefelong leo.
Le kaela badirisi ba tsela koo kantoro, sekhutlhwana gongwe boto ya tshedimosetso e leng gona.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe e e gaufi le kantoro ya tshedimosetso.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse dirori gongwe batsamayakadinao ba ba tswang gongwe ba tsena mo lefelong leo.
Le kaela badirisi ba tsela gore matshwao a tsela a a kwa marakanelong a go tlogang go tsenwa fa go o na a na le matlhakore a feta bobedi.
Kwa makgabaganyong a a nang le matshwao a pharakano (diroboto) a a nang le matlhakore a a fetang bobedi.
Lemoga gore tiro/kgaotso ya matshwao a pharakano (diroboto) ga e tshwane le ya roboto ya matlhakoremabedi. Tswelela fela fa letshwao le le tala le tlhageletse, mme go babalesegile go ka dira jalo.
Le kaela badirisi ba tsela gore tuelo ya tsela fa lefelong la tuelo le le fa pele ke bokae.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe e e tlogang e nna tsela e e duelelwang.
Fa o sa batle go duelela tsela, tsaya tsela e nngwe, jaaka go kailwe ka letshwao la tsela.
Matshwao a mafelo a supa maina a ditsela, metsesetoropo, ditoropo jalo le jalo.
Matshwao a matshwao a tsela a kaela badirisi ba tsela ka ntlha ya tsela, palo, jalo le jalo.
Matshwao a ntlha a kaela ntlha kgotsa sekgala sa go ya kwa lefelong.
Matshwao ano a tsibosa badirisi ba tsela ka diphetogo tsa mela mo tseleng.
Go tsibosa badirisi ba tsela ka segoro se se bobebe mo tseleng e e kwa pele le go atlenegisa lebelo le le babalesegileng.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe e e nang le segoro se se bobebe mme go le botlhokwa go fokotsa lebelo.
Le fa lebelo le le kwa godingwana le ka ne le letlelesegile mo tseleng e e riling, go atlenegisiwa gore o fokotse lebelo la serori go ya go lebelo le le kailweng gore o tswelele pele ka pabalesego go fitlha o sena go feleletsa segoro.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe e e motsopodia.
Fokotsa lebelo go ya go lebelo le le kailweng mo letshwaong mme o dirise lebelo leo mo sekgaleng se se kailweng. O seke wa gata mafura go fitlha letshwao la tsela le go kaela gore o dire jalo.
Go tsibosa badirisi ba tsela ka go nna teng ga dikhuti mo tseleng e e wka pele.
MO tseleng nngwe le nngwe ya botlhe e go ka solofelwang dikhuti mo go yona.
Fokotsa lebelo la serori sa gago jaaka go tshwanetse gore o kgone go fapoga ga go ka tlhokega.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe fa go leng botlhokwa go emisa serori gotlhelele.
Fokotsa lebelo mme o ipaakanyetse go emisa serori sa gago tsii, mo sekgaleng sa dimetara di le 60 kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo tekanyetso ya lebelo mo mafelong mangwe e leng kwa godimo mo go sa babalesegang.
Fokotsa lebelo mme o kgweetse ka iketlo mo makukunopung a lebelo.
Fokotsa lebelo mme o dirise kere e e kwa tlase fa go ka tlhokega.
Fa go fitlhelwang matshwao a le mabedi a pharakano a ganetsana, letshwao la nakwana ke lona le tsewang tsia.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe fela go le gantsi e nna gaufi le dikolo.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse bana. Emisa fa go tlhokega go naya bana ba ba kgabaganyang tsela tshwanelo ya tsela.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore go na le kago ya nakwana ya tsela, paakanyo kgotsa tiro nngwe e amanang le tseo kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse badiri ba konteraka kgotsa dirori mo tseleng.
LE tsibosa modirisi wa tsela gore segopatsela se dira mo tseleng e e kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mme go le gantsi e nna mo ditseleng tsa mmu.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse segopatsela mo tseleng.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka go nna teng ga matlapana a a fofang kgotsa kerabole mo tseleng e e kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe, bogolo segolo mo tseleng e e sa tswang go tshelwa sekontere gape.
Fokotsa lebelo mme o oketse sekgala magareng ga gago le dirori tse dingwe go fokotsa kgonagalo ya gore matlapana a a fofang a go senyetse serori.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka phetogo e e ka nnang kotsi ya bogodimo jwa tsela.
Fokotsa lebelo mme o leke go tila go kgweetsa mo go sa lekalekaneng.
Mo ditseleng tsa botlhe tse di baakanngwang gongwe morago ga dipula tsa matsorotsoro.
Fokotsa lebelo mme o tile go kgweeletsa mo losing lwa tsela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe, bogolo segolo fa e baakanngwe.
Fokotsa lebelo mme o emise fa o kaelwa go dira jalo.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore dirori tsa konteraka di kgabaganya gongwe go tsena mo tseleng e e kwa pele e ka nna go tswa kwa ntlheng ya molema gongwe ya moja.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo kago e tsweletseng pele teng.
Fokotsa lebelo mme o emise fa o kaelwa go dira jalo.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka maemo a a ka nnang kotsi kwa pele ka go bentsha lebone le le kgolokwe le le setlha gaufi le letshwao la tsiboso.
Mo tselen nngwe le nngwe ya botlhe mo badirisi ba tsela ba tlhokang go itsesewe ka kotsi e e kwa pele.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka go nna teng ga mapodisi kwa pele kwa letshwaong la kemiso la nakwana, gongwe le tsibosa ka lefelo la kotsi kgotsa tiragalo e e tshwanang le eo mo go nang le mapodisi gona.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo badirisi ba tsela ba tlokang go itsisewe ka maparego a tsela a sepodisi kwa pele.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore go na le kotsi kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo badirisi ba tsela ba tlhokang go itsisewe ka kotsi e e kwa pele.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Go tsibosa badirisi ba tsela ka sekgoreletsi sa nakwana kgotsa phetogo ya popego ya tsela go ya ka fa letlhakoreng la molema la tsela.
Mo tseleng nngwe le nngwe, bogolo segolo mo tiro ya go baakanya tsela e tsweletseng pele gona.
Fokotsa lebelo mme o tseye dikgato tse di maleba jaaka o kaelwa ke letshwao.
Go tsibosa badirisi ba tsela gore karolo ya tsela e tswaletswe pharakano nakwana.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe e e tswaletsweng pharakano nakwana.
Se tswelele go feta maparego ano.
Go tsibosa modirisi wa tsela gore dipone tsa pharakano tse di kwa pele ga di dire.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo dipone tsa pharakano tse di kwa pele di sa direng gona.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Go tsibosa modirisi wa tsela gore dipone tsa pharakano tse di kwa pele ga di dire.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo dipone tsa pharakano tse di kwa pele di sa direng gona.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Go tsibosa badirisi ba tsela ka phapogo e e kwa pele le ntlha e go tshwanetseng ga tswelelwa go yona.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo tsela e tswetsweng nakwana.
Fokotsa lebelo mme o tswelele fa go babalesegile mo ntlheng e e kailweng mo letshwaong.
Go netefaletsa badirisi ba tsela ka tsela e nngwe e e ka dirisiwang.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo tsela e tswetsweng nakwana.
Tswelela mo tseleng eno go fitlha o kaelwa ka mokgwa mongwe ke letshwao le lengwe la tsela.
Go tsibosa badirisi ba tsela ka kemiso ya sepodisi (maparego a tsela) kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o emise fa o kaelwa jalo.
Go tsibosa badirsi ba tsela gore go na le dipaterole tsa bana ba sekolo mo sekgaleng se se kailweng kwa pele.
Fokotsa lebelo mme o emise fa o kaelwa jalo.
Go tsibosa badirisi ba tsela ka paakanyo ya nakwana ya tsela mo sekgaleng se se riling kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse badiri ba tsila kwa pele.
Go tsibosa badirisi ba tsela ka kemiso ya sepodisi (maparego a tsela) kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o emise fa o kaelwa jalo.
Go tsibosa badirisi ba tsela gore tela e fokotsega nakwana ka mola o le mongwe go tswa ka fa ntlheng ya moja mo sekgaleng se se rileng jaaka go kailwe mo letshwaong.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Le kaela modirisi wa tsela gore fa a kgweetsa ka fa moleng o o ka fa mojeng, o tshwanetse go kgweetsa fela ka lebelo le le kailweng mo letshwaong gongwe go le feta.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Mo marakanelong mo tseleng ya botlhe.
Gakologelwa go emela pharakano e nngwe gongwe batsamayakadinao ba ba leng mo makopanelong ka molao kgotsa kwa makgabaganyong a batsamayakadinao.
E kaela modirisi wa tsela go emisa.
Kwa makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Fa o le gaufi thata le mola wa kemiso mo serori sa gago se ka se keng sa emisiwa ka pabalesego, o ka tswelela fa go babalesegile.
Le kaela modirisi wa tsela go emisa fa morago ga mola wa kemiso le go nna a emisitse go fitlhela go tlhagelela letshwao le le tala.
Mo makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o emise serori sa gago tsi!
Le kaela modirisi wa tsela go emisa fa morago ga mola wa kemiso le go tswelela go ema go fitlhelela go tlhagelela letshwao le le tala.
Mo makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o emise serori sa gago tsi. O seke wa tswelela go fitlhelela go tlhagelela letshwao le le tala, mme le ka nako eo, go ka tswelelwa fa fela go babalesegile go ka dira jalo.
Le kaela modirisi wa tsela go tsaya kgato ya fa ele kemiso ya matlhakoremane.
Mo makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Fa o tla o lebile letshwao leno, o tshwanetse go tsaya kgato ya fa e le letshwao la kemiso mme o seke wa tswelela go tsena mo makgabaganyong go fitlhelela serori sengwe le sengwe se se emisitseng kwa moleng o mongwe wa kemiso pele ga gago, mme se ka feta mo tseleng ya gago, se dule mo makgabaganyong.
Le kaela modirisi wa tsela go emisa serori fa morago ga mola wa kemiso. Fa a batla go fapogela kwa molemeng kwa makopanelong, a ka tswelela go lebeletswe mabaka mangwe.
Mo makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Emisa serori fa morago ga mola wa kemiso, mme fa o batla go fapogela kwa molemeng, tswelela le fa go tlhagisitswe kgolokwe ya lebone le le hibidu. Go tshwanetse ga newa pharakano e e tswang ka fa mojeng le batsamayakadinao ba ba tshubetsweng lebone le le tala tshwanelo ya go feta.
Le kaela modirisi wa tsela go tswelela fela mo ntlheng e e kailweng ke letshwao fa go babalesegile go dira jalo.
Mo makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Fa o ikaelela go tswelela mo ntlheng ya motsu, o ka dira jalo, go seng jalo o tshwanetse go ema mme o emele gore go tlhagelele letshwao le le tala.
Letshwao leno le tla nna le bokao bo le bongwe le jwa letshwao la kemiso.
Emisa jaaka o dira fa letshwaong la kemiso mme o tswelele fa go babalesegile go dira jalo.
Matshwao ano a dirisiwa fa makgabaganyong a seporo. Matshwao a tla benya ka go refosana go supa gore terena e etla.
Fa makgabaganyong a seporo mo tseleng ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o emise. O seke wa tswelela pele fa matshwao a benya ka go refosana gonne seno se kaya fa terena e tla.
Le kaela badirisi ba tsela gore mola o o ka fa tlase ga letshwao leno o buletswe pharakano e e tlhagang kwa ntlheng e nngwe fela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe, mme go le gantsi mo mafelong a go duelelela tiriso ya tsela.
O seke wa dirisa mola o o ka fa tlase ga letshwao leno, ke wa pharakano e e yang kwa ntlheng e nngwe.
Le kaela badirisi ba tsela go dirisa mola o motsu o supileng mo go ona.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe, mme go le gantsi mo mafelong a go duelela tiriso ya tsela.
Dirisa mola o o ka fa tlase ga letshwao leno fa o ka swetsa go tswelela pele.
Le kaela modirisi wa tsela gore mola o motsu o supileng kwa go ona o tswetswe kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Tswaya mo moleng o o mo ntlheng ya motsu fa go babalesegile go dira jalo.
Le kaela modirisi wa tsela lefelo le a tshwanetseng go emisa fa go lona.
Mo makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o emise ka gangwe fa morago ga mola wa kemiso. Tswelela fa fela go babalesegile go dira jalo.
Le kaela modirisi wa tsela lefelo le a tshwanetseng go bontsha boineelo le go naya pharakano e nngwe tshwanelo ya go feta.
Mo makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse pharakano e e tlhagang go tswa ka fa molemeng gongwe ka fa mojeng. Emisa fa go tlhokega go naya tshwanelo ya go feta.
Le kaela modirisi wa tsela go fokotsa lebelo gongwe go emisa, fa go tlhokega, go bontsha boineelo ka go naya tshwanelo ya go feta go motsamayakadinao yo o kabaganyang tsela fa makgabaganyong a batsamayakadinao.
Mo makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse batsamayakadinao. Emisa fa go tlhokega, go naya batsamayakadinao ba ba kgabaganyang tsela fa makgabaganyong a batsamayakadinao tshwanelo ya go feta.
Le kaela modirisi wa tsela go fokotsa lebelo gongwe go emisa, fa go tlhokega, go bontsha boineelo ka go naya tshwanelo ya go feta go motsamayakadinao yo o kabaganyang tsela fa makgabaganyong a batsamayakadinao.
Mo tseleng ya botlhe fa batsamayakadinao ba kgabaganyang tsela gona.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse batsamayakadinao. Emisa fa go tlhokega, go naya batsamayakadinao ba ba kgabaganyang tsela fa makgabaganyong a batsamayakadinao tshwanelo ya go feta.
<fn>tsn_Article_National Language Services_BUKANA E E TLHALOSANG KA GA MOLAWANA WA MAITSHOLO (2002).txt</fn>
Molaotheo wa Aforika Borwa (Kgaolo ya bo 10) o tlhoka gore Tirelopuso e...
ka kakaretso bo emele baagi ba Aforika Borwa, ka go tlhola ditiro le botsamaisi jo bo lolameng jwa badiri jo bo ikaegileng mo dikgonong tsa batho, go ikakanyetsa sentle ka botlalo, ka tolamo, le botlhokwa jwa go siamisa merero e e neng e sa lolama mo nakong e e fetileng.
Boikarabelo jwa mothapi le mothapiwa...
Kgolagano le Kgotlatheomolao le Khuduthamaga...
Kgolagano le setšhaba...
Dikgolagano magareng ga bathapiwa...
Mokgwa wa go dira tiro...
Maitsholo a modiredi ka sebele le dikgatlhegelo tsa gagwe tsa poraevete...
Khomishene ya Tirelopuso e laetswe go ya ka mabaka a Molaotheo, wa 1996, go rotloetsa le go tshegetsa maemo a boleng jo bo kwa godimo jwa seporofeshenale mo makaleng otlhe a tirelopuso. Mo ngwageng wa 1997 Molwana wa Maitsholo wa Tirelopuso o ne wa tlhamiwa wa be wa rotloediwa ka ditherisano mo dikopanong le Badiredipuso mo makaleng a bosetšhaba le a diporofense. Go ne gape go le botlhokwa go tlhabolola bukana ya tshedimosetso ka ga Molawana wa Maitsholo go rotloetsa go tlhaloganngwa botoka ga ditlamorago tsa ona le ka fa o tla diragadiwang ka teng.
Mo boemong jwa Khomishene ya Tirelopuso, ke tlotlilwe go abelwa tetla ya go abela badiredipuso botlhe ba ba thapilweng mo Tirelongpuso ya Aforika Borwa, Bukana e e Tlhalosang ka ga Molawana wa Maitsholo wa mo tirong ya Tirelopuso. Moolwana wa Maitsholo ke motheo o o botlhokwa mo go tlhomeng mekgwa ya puso e e lolameng le mekgwa ya boitshwaro jwa Badiredipuso. E tlhotlheletsa gape le merero e e tshwanang le go tlotla ditshwanelo tsa botho, taolo ya molao, boikarabelo, puso go direla dilo mo pepeneneng, boitshwaro jwa motho ka sebele le dikgatlhegelo tsa motho ka nosi.
Khomishene ya Tirelopuso e ikuela mo badiredingpuso botlhe, go tswa mo go ba ba mo maemong a a kwa tlase go fitlhelela kwa go ba ba mo maemong a a kwa godimo, go supa go tlhaloganya ga bona ga tsamaiso, tsela e e salwang morago le ditaelo tse di akareditsweng mo Molawanang wa Maitsholo. Kgato e, ga se e e kgonagalang fela, mme ke e e tshwanetseng gore mokgwa o o bokgoni wa go aba ditirelo o fitlhelele setšhaba sa rona. Go botlhokwa gape gore Badiredipuso ka semolao ba kgaphele thoko le go gana, go ikakatlela ka botlalo go gana tse ba ka di abelwang e le dimpho ka di ka tsewa gore ke mejabetso ya ka fa tlase ga tafole ya go rekwa go abela baagi ditirelo.
Re rata go akgola batsamaisi le Badiredipuso ba ba ithaopileng go rotloetsa Molawana wa Maitsholo wa Tirelopuso. Ke le rotloetsa go tshegetsa tiro e e manontlhotlho e, le gore le se ke la ineela ka gope mo kgwetlhong ya go rotloetsa mekgwa ya boitshwaro jwa seporofeshenale mo tirong ya Tirelopuso.
Khomishene ya Tirelopuso e solofela gore bukana e ya tlhaloso e tla nna mosola mo go rotloetseng boikanyego le seriti mo lefelong la tiro le go rotloetsa matsapa a a tletseng ka botlalo go tswa mo go rona rotlhe, go nna le mokgwa wa go se dumelele sepe fela sa go rekwa le bonweenwee mo Aforika Borwa.
Kwa bokhutlong, ke rata go rotloetsa badiredipuso botlhe go netefatsa gore mekgwa ya boitshwaro jwa bona e nna karolo ya motheo wa boleng le maemo a a laolang tsamaiso ya merero ya setšhaba le gore ba itse ka botlalo diteng tsa Bukana e ya Tlhaloso ya Molawana wa Maitsholo.
Badiredi ba Ofisi ya Khomishene ya Tirelopuso ba thusitse ka dipatlisiso le go konosetsa go tlhama bukana e.
Kwa bokhutlong, re leboga Lefapha la Brithani la Tlhabololo ya Boditšhabatšhaba ka go aba matlole a go gatisiwa ga Bukana e ya Tlhaloso ka ga Molawana wa Maitsholo wa Tirelopuso.
Maikaelelo a bukana e ke go tlhaloso diteng tsa Molawana wa Maitsholo ka botlalo. Mareo a a dirisitsweng mo molawaneng a semmuso a ne a tlhoka bopelo kgale, botswerere le manontlhotlho le mareo a semmuso. Bukana e e ikaeletswe gore Molawana wa Maitsholo o tlhaloganngwe ke badiredipuso botlhe.
Bukana e ga e ya tsenya dikakanyo dipe tse dintshwa mme e dirisitse tlhamo le dinomoro tse di tlhagelelang mo Molawana wa Maitsholo, gore di tshwantshanngwe bonolo. Mafapha a gakololwa gore fa a dirisa bukana e, a leke ka bojotlhe go dirisa dikai tsa ona ka nosi, tse di tsamaelanang le maemo a ona a a kgethegileng.
Go tshwanetse go gatelelwa gore go tlhamiwa ga bukana e, e ntse tiro e e manontlhotlho le botswerere mme go ka tlhokega gore e sekasekwe gape nako le nako, go tshwana le Molawana wa Maitsholo ka nosi.
Gore go rotloediwe maemo a a kwa godimo a mokgwa wa boitshwaro jwa seporofeshenale mo lefelong la tiro, badiredipuso ba tshwanetse go rotloediwa go akanya le go itshwara ka mokgwa o o tshwanetseng. Ka go rialo bukana e, e tshwanetse go nna mosupa tsela mo go tlhabololeng le go aba dikhoso tsa katiso ya nako le nako ya bathapiwa botlhe. Bukana e, e akaretsa gape le dikai di le dintsi tse di supang mekgwa e e farologaneng mo lefelong la tiro e e ka dirisiwang go katisa le go lemoga maemo a mangwe.
Ka e tsamaelana le Molawana wa Maitsholo, bukana e e ka thusa go rotloetsa boipelo jwa seriti le go se tseye letlhakore lepe ga Tirelopuso ka go aba ditlhokego tsa botlhokwa mabapi le boitshwaro jo bo eletsegang le sekai sa boitshwaro jo bo siameng.
Lebaka la gore batho ba ithuta ka go ela dilo tlhoko le maitemogelo ke ntlha e e amogetsweng. Ka jalo go beilwe boikarabelo jo bogolo mo mothaping (Tona le Bakhuduthamaga ba Diporosefense) mo lekaleng la sepolotiki, le batsamaisi ba Tirelopuso mo makaleng otlhe, go tlhoma maemo a a eletsegang a boleng jwa boitshwaro le go tlhamiwa ga dikai tsa boitshwaro jwa bathapiwa botlhe.
Karolo ya bo 195 (a) ya Molaotheo e laela gore "maemo a a kwa godimo a seporofeshenale a tshwanetse go rotloediwa le go tshegediwa" ka kakaretso mo tsamaisong ya merero ya puso. Go ya ka mabaka a tumallano e e kopanetsweng (ya Tumallano ya bo 2 ya Khansele ya Dikgolagano tsa go Dumallana Mmogo ya Tirelopuso), bathapiwa botlhe mo Tirelongpuso ba rwele boikarabelo jwa go tsamaelana le Molawana o o laetsweng wa Maitsholo. Ka se e le motheo wa go akanyetsa kwa pele, go siamisa maemo mmogo le go tsaya dikgato tsa go kgalemela badiredi, mothapi o tshwanetse go dira tsotlhe tse di kgonagalang go netefatsa gore badiri botlhe ba itse diteng tsa Molawana wa Maitsholo.
Go botlhokwa go gatelela gore motheo wa maikaelelo a Molawana wa Maitsholo ke a a siameng, a go rotloetsa sekai sa boitshwaro jo bo siameng. Kwa ntle ga lebaka le le umakilweng fa godimo, modiredi o ka otlhaelwa mokgwa o o sa siamang go ya ka mabaka a Molao o o umakilweng fa godimo, mme a kgalemiwa go ya ka mabaka a dikarolo tsa bo 18 go fitlhela go ya bo 27 tse di mametleletsweng mo Molaotlhomong o o Mametleletsweng tsa Molao wa Tirelopuso, wa 1997, fa a tlola ditshiamelo dingwe le dingwe tsa Molawana wa Maitsholo.
Go umaka "Rephaboliki" ka kakaretso go tshwanetse go tlhaloganngwa gore go lebisitswe mo "lefatsheng le" - le e leng Aforika Borwa. Ditlhokego tsa botlhokwa ke gore badiredipuso botlhe ba tshwanetse go nna boikanyego le go tlotla lefatshe la bona.
Molaotheo o tlhalosa mabaka a a totobetseng a a tsamaelanang le ditshwanelo le dikgatlhegelo tsa baagi botlhe. Temana e ya Molawana wa Maitsholo, mo lebakeng la ntlha, e gatelela boikanyego jwa badiredipuso mo thulaganyong ya demokerasi e e renang. Lwabobedi, botlhokwa jwa maemo a a kwa godimo a Molaotheo bo tshwanetse go amogelwa le go tlotliwa ke batho botlhe. Lwaboraro, modiredipuso mongwe le mongwe o tshwanetse go tlhaloganya diteng le maikaelelo a Molaotheo go nna mokgwa wa go tshegetsa le go laola maemo a a renang.
Sekai sa bo 1: Badiredipuso ba mo makaleng otlhe ba tshwaragane ka mokgwa mongwe le go tlhama ditshikhinyo mabapi le maitlhomo a maikaelelo. Ditshikhinyo dingwe le dingwe tsa mofuta o di tshwanetse go sekasekiwa ka kelotlhoko go netefatsa gore di ka se nne le kgotlang epe kgatlhanong le moono le /kgotsa mabaka a a totobetseng a Molaotheo. Maitlhomo a Molaotheo a a tshwanang le go nna le seabe ga setšhaba le go direla dilo mo pepeneneng ka go aba ditirelo le ona a tshwanetse go latelwa ka fa go kgonagalang ka teng fa go tlhamiwa pholesi.
Sekai sa bo 2: Karolo ya bo 33 ya Molaotheo e dira ditshiamelo tsa gore mongwe le mongwe yo ditshwanelo tsa gagwe di amegileng thata ka ntlha ya dikgato tsa tsamaiso o na le tshwanelo ya go fiwa mabaka a a kwadilweng. Se se tlhalosa gore, go obamela Molaotheo, modiredi puso mongwe le mongwe o tshwanetse go netefatsa gore ditshweetso tse di tsewang ka mabaka a tsamaiso le dikgato tse di dirwang di theilwe mo mabakeng a a utlwalang, le gore mabaka ao a fiwe mongwe le mongwe yo o amegileng. Ka kakaretso, se se tlhalosa gore dikgato tsa tsamaiso di tshwanetse go itumedisa diteko tsa go direla dilo mo pepeneneng.
Motlhala o, o kaya gore fa go tsewa ditshweetso kgotsa kakanyo, go tshwanetse ga elwatlhoko dikgatlhegelo tsa setšhaba pele. Dikgatlhegelo tsa modiredipuso kgotsa dikgatlhegelo dingwe le dingwe tsa makala mangwe di tshwanetse go bewa morago ga dikgatlhegelo tsa setšhaba.
Sekai sa bo 1: Modiredi wa kwa bookelong o tlamiwa ke konteraka ya tiro ya gagwe gore o tshwanetse go simolola tiro ka 08:00 go fitlhela ka 16:30. Ga go thulaganyo epe e e dirilweng ya go mo duela go dira diura tsa morago ga tiro. Ledimo la matlakadibe le padimotse bookelo mme la tima maatla a motlakase e bile diphaposi tsa karo di dira ka maatla a motlakase o o fetlhiwang ka motshini. Motshini o o fetlhang motlakase le ona o na e mathata mme modiredi o laelwa gore a thuse go rarabolola bothata jwa motshini o o ka ura ya bo 16:00. Go tla solofelwa gore modiredi a konosetse tiro ya go baakanya motshini oo le fa tota a tshwanetse go dira morago ga diura tsa konteraka ya gagwe ya tiro.
Sekai sa bo 2: Bontsi jwa badiredi ba ba dirang mo diofising tsa kgaolo ba supa maikaelelo a go tsaya malatsi a bona a khunologo mo kgweding ya Sedimonthole. Fa ba abelwa malatsi ao a khunologo, se se kaya gore diofisi tseo di ka se kgone go abela setšhaba ditiro tse di botlhokwa ka botlalo. Go tshwanetse go fitlhelelwa tumallano e e rileng magareng ga batsamaisi le bathapiwa ba ba amegang, go akaretsa le mabaka a gore badiredi bangwe ba tshwanetse go sala mo tirong go netefatsa gore tirelo e abiwa ka mokgwa o o tswelelang.
Molao wa Ditshwanelo tsa Botho wa mo Molaotheong, mo gare ga tse dingwe, o sireletsa ditshwanelo tsa sepolotiki tsa moagi mongwe le mongwe, tse di akaretsang ditshwanelo tsa go ikamanya le go nna tokololo ya lekoko lefe kgotsa lefe la sepolotiki le a le itlhophelang. Ditlhopho di tla dira gore lekoko le le nang le ditokololo di le dintsi le gape puso le go busa. Se se tlhalosa gore dikgatlhegelo tsa modiredipuso yo o rileng di ka se tlhagelele mo dipholong tsa ditlhopho. Se tlhalosa gape le gore mabaka a botlhokwa, dikgato le maitlhomo a a amogetsweng ke Mmuso wa letsatsi a ka farologana le mabaka a botlhokwa a modiredipuso yo o rileng ka sebele. Legale Badiredipuso ba solofetswe gore ba tswelele go direla Mmuso wa letsatsi o o tlhophilweng ka boineelo, bokgoni le botswerere le ka boikanyego go tsweletsa moono wa yona pele.
Sekai sa bo 1: Modiredipuso ka sebele o dumela gore ditirelo tsa botlhokwa tsa boitekanelo ke tsona di tshwanetseng o tlhokomelwa thata mo lefatsheng e bile o ema nokeng lekoko la sepolotiki le le dumellanang le kakanyo e. Legale Mmuso wa letsatsi, o amogela le go dumela gore botlhokwa jwa go aba matlo le go lwantsha bosenyi ke yona merero ya bothokwa. Mothapiwa o solofetswe gore a amogele mabaka a botlhokwa a Mmuso. Se legale, ga se kaye go gatelelwa ga dikakanyo le boithaopo jwa bokgoni jwa batho.
Sekai sa bo 2: Fa Mmuso wa letsatsi o akanya go diragatsa sekema se se rileng mme e le boikarabelo jwa modiredi gore sekema seo se ka diragadiwa ka mokgwa ofe, modiredi yoo le fa tota a sa dumallane le sekema seo, o solofetswe go beela maikutlo a gagwe kwa thoko mme a akanye ka mokgwa o o tshwanetseng, ka go leba gore ka ditshiamelo tse di leng teng le mosola le dilo tse di sa siamang mo tshiamelong nngwe le nngwe, mokgwa o o tshwanetseng go tswela baagi ba ba amegang mosola ke ofe.
Gore badiredi ba kgone go dira tiro ya bona ya Mmuso wa letsatsi ka boikanyego le ka bokgoni, mmogo le go thusa setšhaba ka ditirelo, badiredi ba tlhoka go itse diteng tsa tiro ya bona, le maitlhomo go tsamaelana le ka fa tiro ya bona e tshwanetseng go dirwa ka teng le mekgwa e e tshwanetseng go diragadiwa.
Baokamedi ke bona ba rweleng boikarabelo jwa go bona gore badiredi ba itse diteng tsa tiro ya bona. Badiredi le bona ba na le boikarabelo jwa go tsaya matsapa a go nna badiredi ba ba nang le kitso, ba ba kgonang go dira tiro ka botswerere le manontlhotlho go tsamaelana le maitlhomo a a laetsweng le tsamaiso e e tsamaelanang le maemo a tiro ya bona; mo dikgatlhgelong tse di tletseng tsa setšhaba le baagi ba ba ba abelang ditirelo.
Sekai sa bo 1: Ka go se itse ditlhokego tsa ditaelo tsa merero ya ditšhelete ya Tirelopuso, motlhankedi o dumelela kopo ya go reka didirisiwa kwa ntle ga go bona tumelelo e e tlhokegang go tswa kwa Lefapheng la Ditšhelete. Kgato ya mofuta o e tlhalosa gore go tsenwe mo ditshenyegelong tse di sa dumelelwang mme e bile e ka nna tlhwatlhwa godimo le go senya mo go ka runyang dikgato tsa semolao le dikopo tsa go senyegelwa ga makala a a rileng.
Sekai sa bo 2: Ka ntlha ya go tlhoka kitso ga gagwe, modiredi o naya motho mongwe yo o kopang go amogela phenshene ya botsofe tshedimosetso e e fosagetseng ka ga ditlhokego tsa gore motho yoo a ka e amogela, tsela e a tshwanetseng go e tsaya, kgotsa madi a a tla a amogelang. Se se ka nna le ditlamorago tse di sa siamang mo tokololong eo ya setšhaba.
Ditheo di le mmalwa di tlhomilwe go ya ka mabaka a Molaotheo (Leitlho la Setšhaba, Morunikakaretso, Khomishene ya Tirelopuso, Khomishene ya go Lekalekana ga Bong jwa batho, le tse dingwe) mme ditheo tse dingwe di tlhomilwe ka molao (diboto tsa go rebola dithendara, dikhomishene tsa dipatlisiso, le tse dingwe). Ditheo tse di rwele boikarabelo jwa go netefatsa gore tsamaiso ya merero ya setšhaba e dirwa ka tshwanelo. Badiredipuso ka go rialo ga ba tshwanela go bona ditheo tse ka leitlho le le sa siamang, fela ba tshwanetse go di thusa fa di dira tiro ya tsona, sekai; ka go di abela tshedimosetso le tlhaloso e di ka e tlhokang.
Sekai sa bo 1: Fa Ofisi ya Leitlho la Setšhaba e kopilwe go dira dipatlisiso ka ga ngongorego e e tswang mo tokololong ya setšhaba kgatlhanong le Lefapha la Puso, go solofetswe tirisano e e tletseng go tswa mo badireding ba Lefapha leo ka go ntsha tshedimosetso e e tlhokegang.
Sekai sa bo 2: Fa Morunikakaretso a fitlhela tsamaiso e e sa lolamang ya ditšhelete mo lefapheng, badiredi ba lefapha le le amegang ga ba tshwanela go bona diphitlhelelo tsa gagwe ka leitlho le le sa siamang. Ba tshwanetse go tlhaloganya le go amogela seabe sa Morunikakaretso le go thusa Morunikakaretso ka botlalo go rarabolola bothato joo.
go tokafatsa maemo a boleng jwa botshelo jwa baagi botlhe le go ntshetsa mo pepeneneng bokgoni jwa motho mongwe le mongwe; le go bopa Aforika Borwa yo o tshwaraganetsweng wa demokerasi yo o kgonang go tsaya manno a ona e lelefatshe le le ikemetseng ka nosi mo lesikeng la ditšhaba tsa lefatshe lotlhe ka bophara.
Gore re kgone go lemoga le go tshegetsa maikaelelo a a kwa godimo kwa mankalankaleng a a rotloediwang ke Molaotheo, baagi botlhe ba tshwanetse go tsaya matsapa ka go ititaya sehuba le maikaelelo. Go mo pepeneneng gore Badiredipuso ba kaiwa e le karolo ya "Mmuso", mme ka go rialo se ke sengwe se se botlhokwa le go feta mo mabakeng a bona.
Sekai sa bo 1: Mokgwa o o siameng wa go dira dilo mmogo le le seoposengwe, dikgolagano tse dintle mo gare ga batho le tse di itumedisang ka kakaretso, mowa o o edileng wa seporofeshenale wa go thusa setšhaba magareng ga setlhopha sa badiredi ba ba tswang kwa mefuteng e e farologaneng ya lotso la batho ba ba dirang le setšhaba ka tlhamalalo, e tla nna sekai se sentle. Sekai se sentle e tla nna sa kwa ofising e e rebolang makwalo a boitshupo le a mosepele.
Sekai sa bo 2: Mothapiwa o tshwanetse go tsaya matsapa a go ikwadisetsa khoso ya go ithuta nngwe ya dipuo tsa semmuso tse di diriswang mo kgaolong e a dirang mo go yona. O tshwanetse gape go rotleotsa gore go ranolelwe mo dipuong tse dingwe tsa semmuso fa se se tlhokagala mo dikopanong.
Tirelopuso e direla baagi botlhe ka bophara, mme setšhaba se solofetse go tshwarwa ka go lekalekana, ka bokgoni, ka seporofeshenale le ka mokgwa wa botsalano. Ka go rialo badiredi ba solofetswe gore ba lepalepana le ditlhokego tse ka go tshwara bao ba dirang le bona le ba ba ba direlang ka go lekalekana, e seng fela ka mokgwa o o tla tsenyang boikanyego mo Tirelongpuso, mme fela o o tla dirang gore go lebogelwe boleng le bokgoni jwa ditirelo tse ba di abang.
Sekai sa bo 1: Mothapiwa o mo maemong a a kwa godimo mo lefapheng le go sekasekiwang dikopo tsa ditirelo dingwe tse di abelwang setšhaba. Moagisane nae o itse ntlha ya gore a ka nna le tshwaelo e kgolo mo tsamaisong e, mme o mo kopa gore a mo thuse go itlhaganedisa kopo ya gagwe. Modiredi o tshwanetse go sekaseka kopo e ya moagisane ka kelotlhoko, gonne kgato nngwe le nngwe e a e tsayang go thusa moagisane wa gagwe, e tla be e le go mo direla molemo le go lomeletsa bakopi ba bangwe ba mo setshabeng.
Sekai sa bo 2: Mothapiwa o tshwanetse go kopa bakopi / badirisi ba gagwe gore ba eme mo mothalong, gore mongwe le mongwe wa bona a thusiwe fa tshono ya gagwe e fitlhile, kwa ntle ga go thusa ba bangwe thata go gaisa ba bangwe kgotsa go akanyediwa gore o dira jalo.
Go botlhokwa gore badiredi ba lemoge gore, ka go tsena mo Tirelongpuso, ba ititeile sehuba gore ba tla direla setšhaba sotlhe ka bophara.
Setšhaba se solofela go thusiwa, mme e bile se solofetse gore badiredi ba nne teng le go se thusa ka mokgwa o o botsalano le o o bokgoni.
Sekai sa bo 1: Mothapiwa o amogela mogala go tswa mo tokololong ya setšhaba fela go mo pepeneneng gore kopo eo e ka rarabololwa ke lekala kgotsa lefapha la lengwe. Modiredi o bolelela motho yoo gore a batle thuso kwa gongwe. Se se ka kaya gore modiredi o bolelela motho yoo gore a batle thuso kwa bathong ba ba farologaneng kwa ntle ga go mo thusa ka gope. Se ga se thuse setšhaba ka sepe mme se ka dira gore setšhaba se nne le kakanyo e e tshokameng ka ga Tirelopuso. Mothapiwa o tshwanetse go ithaopa go batlisisa motho kgotsa lefapha le le ka thusang mme a mo leletse.
Sekai sa bo 2: Fa mothapiwa yo o rileng a thusa mo khaontareng o fitlhela a se na motho ope yo a mo thusang le fa tota modiri ka ena a e emetswe ke batho ba le mmalwa ba ba tlhokang go thusiwa. Mothapiwa o tshwanetse go thusa modiri ka ena le setšhaba ka go biletsa batho kwa khaontareng ya gagwe, fa e le gore mothapiwa yoo o na le kitso e e tletseng le diteng tsa tirelo e e tlhokegang.
Sekai sa bo 3: Fa tokololo ya setšhaba e kopa mothapiwa gore e kgone go tla go mmona, ka sekai sa go bona tshedimosetso e e tlhokegang ya go tsenngwa mo lenaaneng la go bona ntlo ya Puso, modiredi o tshwanetse go leka go tsenya motho yoo mo nakong ya gagwe ka bonako jo bo kgonagalang. Se se ka se supe gore mothapiwa yoo o ikaeletse go thusa, fela le gore o batla go abela setšhaba tirelo.
Le fa tota ditlhokego le/kgotsa mabaka a ditokololo tsa setšhaba a ka bonwa, go ya ka kitso a badiredi, a se botlhokwa thata jaaka ditokololo tsa setšhaba di akanya, badiredi ba tshwanetse gore ka mowa o o edileng le bokgoni ba thuse ka tshedimosetso kgotsa ka dikgakololo go rarabolola mathata a sona.
Mabaka le ditlhokego tse di supiwang ke motho ka sebele kgotsa ke setlhopha di tshwanetse go tsewa tsia. Ditherisano tse di seneletseng le go direla dilo mo pepeneneng mo mererong e e tshwanang le e, go ka nna le thuso e kgolo mo mabakeng le ditlhokego tsa setšhaba.
Sekai sa bo 1: Go rulaganngwa go aga tliniki ya baagi ba kwa kgaolong ya selegae fa go ntse gape go akanngwa le go tsenya ditirelo tsa tliniki e e isiwang kwa le kwa. Ditokololo tsa setšhaba di tshwanetse go rerisiwa gore itse gore bogolo segolo se tlhoka eng. Se se tla thusa go tsaya tshweetso e e tshwanetseng le e e lolameng le go akaretsa baagi kwa tshimologong ya tiro e.
Sekai sa bo 2: Modiredipuso o rwele boikarabelo jwa go sekaseka dikopo tsa diketleetso tsa kabo ya matlo go baagi ba ba lomeleditsweng ba ba tshelelang mo megwaafatsheng le mekhukhu. Fa dikopo tseo di sa sekasekwe ka bonako le ka bokgoni, lenaane lotlhe la porojeke ya go aba matlo le ka diedisiwame batho ba tswelela go tshelela mo maemong a a bokowa le a a kotsi mo matshelong a bona paka ya nako e telele go na le ka fa go neng go ka nna ka teng fa go ne go abilwe tirelo e e bonako ka fa go tlhokagalang ka teng.
Mmuso wa letsatsi o tlhalositse maikaelelo a ona ka totobalo gore o batla go tokafatsa matshelo a baagi ba ba neng ba lomeleditswe mo nakong e e fetileng, ka go dirisa Lenaane la Kago Leshwa le Tlhabololo (la RDP). Tiro e e tshwanetse go dirwa ke mafapha otlhe ka boikarabelo jwa ditiro tsa ona.
Aforika Borwa ke lefatshe le le tlhabologang mme bontsi jwa baagi ba lona, ka ntlha ya mabaka a a rileng, ga bo na kitso le tshedimosetso ka ga ditshwanelo le boikarabelo jwa bona, ditirelo tse di bo tshwanetseng, mekgwa ya go di kopa le gore bo bone mang mo lebakeng le. Ka Tirelopuso e tshwanetse go abela baagi botlhe ditirelo, bathapiwa ba rwele boikarabelo jwa go thusa ditokololo tsa setšhaba tse di tlhokang kitso, ka go di abela tshedimosetso, dikgakololo le thuso e di e tlhokang. Se se tshwanetse go dirwa ka boikobo le bokgoni, le fa tota e le go di romela ka mokgwa o o botsalano kwa setheong se sengwe kgotsa kwa kagong e nngwe.
Sekai sa bo 1: Bathapiwa ba tshwanetse go nna le seabe mo manaaneng a tlhabolola le go tokafatsa matshelo a a tlhomilweng ke mafapha a bona. Ba tshwanetse go ineela mo tirong ya bona go netefatsa gore manaane a mofuta o, a diragadiwa ka bokgoni le botswerere mo pakeng ya nako e e laetsweng.
Sekai sa bo 2: Fa ba thusa ditokololo tsa setšhaba mo mabakeng a merero ya boitekanelo, badiredi ba tshwanetse ba abela dikgakololo tsa botlhokwa fa ba belaela gore kitso ya setšhaba ka ga boitekanelo ga ya lekana. Mo badiredi ba sa kgoneng go thusa setšhaba ka nosi, ba tshwanetse bonnye ba ba romele kwa badiring mmogo ba ba tshwanetseng gore ba gakololwe kgotsa ka thusiwe ka botlalo.
Jaaka go setse go tlhalositswe, Tirelopuso e abela batho le setšhaba ditirelo, go sa kgathalesege gore ke bo mang mo Aforika Borwa. Tokololo nngwe le nngwe e na le ditshwanelo tsa molaotheo tsa go tsholwa ka seriti. Bathapiwa ka jalo ba rwele boikarabelo jwa go tshola ditokololo tsotlhe tsa setšhaba ka go lekalekana, ka mokgwa o o botsalano le bokgoni, ba dire gore di ikutlwe di amogela mofuta wa tirelo o o di tshwanetseng.
Sekai sa bo 1: Mothapiwa a ka belaela gore tokololo ya setšhaba e e tlhokang thuso ke motho wa mokgwa le bong, sekai, jwa go robala le motho wa bong jo bo tshwanang. Le fa tota se se sa amogelesege ka gope mo modireding yoo ka sebele, o tshwanetse go abela tokololo eo tirelo e e lekanang le ya seporofeshenale e a neng a ka e abela tokololo nngwe le nngwe ya setšhaba.
Sekai sa bo 2: Palo ya batho ba le mmalwa e eme mo mothalong wa go athusiwa, mme tokololo ya baagi e e itsegeng thata mo setshabeng e tsena ka kgoro le go solofela gore e thusiwe ka bonako jwa pong ya leitlho. Fa modiredi yo o thusang baagi o letla gore motho yoo a tsene pele kwa pele ga batho ba bangwe ba ba mo mothalong, go raya gore o kgetholola kgatlhanong le batho ba bangwe ba ba solofetseng go thusiwa.
Ka Tirelopuso e direla setšhaba sotlha ka pbophara, se se akaretsang ditlhopha tse di farologaneng, makoko a sepolotiki le batho ba ditumelo tse di farologaneng, le tse dingwe, se se raya gore badiredipuso ga ba tshwanela go ikamanya le morero ope o o ka tswelang setlhopha se sengwe mosola mo godimo ga se sengwe.
Go ya ka mabaka a Tirelopuso, badirisi botlhe ba jona ba tshwanetse go thusiwa ka go lekalekana go tsamaelana le moono wa Mmuso wa letsatsi. Ka jalo mothapiwa o tshwanetse go tlhaloganya ka botlalo pharologano magareng ga boikarabelo jwa gagwe mo Mmusong wa letsatsi le go amega ka tlhamalalo mo mererong ya lekoko la sepolotiki.
Sekai sa bo 1: Mothapiwa ke tokololo ya setlhopha se se rileng sa merero ya setso se se gaisanelang ketleetso ya Puso ya ngwaga le ngwaga. Mothapiwa o tshwere maemo a a kwa godimo mo lefapheng le le tshwanetseng go di sekaseka, go tsamaisa dikopo le go romela ditshikhinyo kwa go Tona ya lefapha. Mothapiwa wa mofuta oo ga a tswhanela go dirisa maemo a gagwe a a kwa godimo go rata go fetisa ka gope kopo ya mokgatlho o a leng tokololo ya ona, le go lomeletsa dikopo tse di tswang kwa mekgatlhong e mengwe. Mothapiwa wa go nna jaloo tshwanetse go itsise mookamedi wa gagwe ka ga dikgatlhegelo tsa gagwe go thibela gore go se ke ga nna le kgotlang kgotsa ga akanngwa jalo.
Sekai sa bo 2: Mothapiwa ba solofetswe go thusa Ditona/Bakhuduthamaga ba ba tshwanetseng ka botlalo mabapi le go tlhama dikwalwa tsa bona, le tse dingwe, tse di tla dirisediwang mabaka a semmuso, a a tshwanang le go tlhama melaotlhomo. Legale, badiredi ga ba tshwanela, go amega fa go rulaganngwa le go tlhama dikwalwa tse di tla dirisiwang ke Tona kgotsa Mokhuduthamaga mo mabakeng a merero ya makoko a sepolotiki.
Bathapiwa ba tshwanetse go itshola ka mokgwa wa go tlotla badiri mmogo nabo le setšhaba, go sa kgathalesege gore ke bo mang, ba lebega jang, maemo a bona ke afe mo setshabeng, le tse dingwe. Maitsholo a badiredi mo bathong ba bangwe ka gale a tshwanetse gore e nne a a botsalano, a go thusa le a a bokgoni.
Sekai sa bo 1: Fa bathapiwa ba ba dirang mo khaontareng ba kopiwa ke tokololo ya sethaba e e tagilweng thata e bile e tladitse leshata gore ba e thuse, ba tshwanetse go tshola motho wa go nna jalo jaaka ba tshola ba bangwe, ba thuse motho yoo ba ritibetse maikutlo le ka nepagalo. Go botlhokwa go gakologelwa gore maemo ao a tla be a etswe tlhoko ke setšhaba ka leitlho le le ntshotsho, le gore badiredi ba ka tokafatsa selebego sa Tirelopuso ka go a tshola ka mokgwa wa seporofeshenale. Fa maemo ao a tswa mo taolong mme badiredi ba tshwere bothata jwa phage ka mangana, ga ba tshwanela go tlalelwa le go tsholetsega maikutlo, fela ba tshwanetse go isa motho yoo kwa go mookamedi wa bona, yo o tla buisanang le ena mo sephiring.
Sekai sa bo 2: Batho ba gapelediwa ke go tlhoka madi gore ba kope thuso tsa ketleetso tsa katlaatlelo-loago. Badiredi ba ba rweleng boikarabelo jwa go ba thusa ka difomo tsa go dikopo, ba tshwanetse go dira se ka maatlametlo le go ba utlwela botlhoko.
Molaotheo o dira ditshiamelo tse di maphata a le mabedi mabapi le go fitlhelela tshedimosetso. La ntlha ke go rotloetsa go direla dilo mo pepeneneng, se se letlang gore moagi mongwe le mongwe a fitlhelele tshedimosetso e e tshwanetseng ya dikgatlhegelo tsa setšhaba bonolo. Se se tla se abela tshono ya go nna le sesabe ka botlalo mo go tlhomeng mefuta ya moono o se ratang go bona o diragadiwa. La bobedi, ditshiamelo di ikaeletswe gape go kgontsha baagi go sireletsa ditshwanelo dingwe tsa bona tse di tlhagelelang mo Molaong wa Ditshwanelo tsa Botho. Ba ka kopa mabaka a a kwadilweng a dikgato dingwe le dingwe tsa tsamaiso tse di ka ba lomeletsang thata. Go ya pele, ba ka kopa tshedimosetso nngwe le nngwe go diragatsa ditshiamelo tsa tsa go sireletsa ditshwanelo tsa bona.
Ka modiredi mongwe e mongwe a itse, go sweediwa ga gore ke tshedimosetso efe e e mo dikgatlhegelong tsa setšhaba ke morero o o matswakabele tota. Tshedimosetso nngwe e tsewa gore ke tshedimosetso e e sireleditsweng mme e tshwanetse go tlhokomelwa ke mafapha go ya ka mabaka a Ditaelo tsa Maemo a Botlhokwa a Tshireletso ya Tshedimosetso a a rebotsweng ke Setheo sa Bosetšhaba sa Ditirelo tsa Matlhale. Molaotlhomo wa Demokerasi e e Bulegileng e e mo Pepeneneng le ona o ikaeletse go tlhoma thulaganyo e e tshwanetseng eo ka yona morero o, o tshwanetseng go tsamaisiwa ke mafapha. Se se tlhakatlhane le go nna matswakabele thata ka ntlha ya gore Molao wa Merero a Badiri wa 1995, le ona o dira ditshiamelo tse di kgethegileng tsa gore Badiredipuso ba dumelelwe go fitlhelela tshedimosetso e e tshotsweng ke Puso ka e le yona mothapi wa bona, gore go sirelediwe ditshwanelo dingwe tsa merero ya badiri, tsa bathapiwa bao.
Bathapiwa ba tshwanetse gore ka dinako tsotlhe ba amogele fa setšhaba se na le ditshwanelo tsa go fitlhelela tshedimosetso.
Lefapha lengwe le lengwe le tshwanetse go tlhoma pholesi e e tsamaelanang le molao wa bosetšhaba o o laolang morero o mo makaleng a lona.
Bathapiwa ba tshwanetse go itse melao e e laolang morero o mo mafapheng a bona.
Mabaka a le tsamaiso e e dirisitsweng tse di bakileng dikgato tsa tsamaiso di tshwanetse go kwadisiwa le go gatisiwa ka maikaelelo a gore tshedimosetso e nne teng fa e kopiwa.
Fa tshedimosetso e e kopiwang ke tokololo ya setšhaba e sa tshwanela go gololwa, go tshwanetswe ga ntshiwa mabaka a a utlwalang mabapi a fiwa tokololo eo ka ga tshweetso e e tserweng ya gore e se ke ya ne setšhaba.
Sekai sa bo 1: Go abela setšhaba tshedimosetso ya botlhokwa ka nako e tshwanetse go nna sengwe se se elwang tlhoko thata. Fa tokololo ya setšhaba e e kopileng tshedimosetso ka ga dibasari e ka abelwa tshedimosetso eo morago ga letlha la bofelo la go ikwadisetsa ngwaga o o rileng wa dithuto, maikaelelo a go aba tshedimosetso ya go nna jalo a tla be a foloditse tota.
Sekai sa bo 2: Go fitlhelela tshedimosetso go tlhalosa gape gore tshedimosetso e tshwanetse go kokoanngwa ka dinako tsotlhe le gore dintlha tsa yona di nne tsa sesheng. Fa tokololo ya Palamente e ka kopa tshedimosetso go e dirisetsa dikganetsano tsa kwa Palementeng, mme lefapha la palelwa ke go e abela tshedimosetso e e nepagetseng le ya sesheng ka nako, go ka koafatsa maikaelelo a mokgwa wa demokerasi.
Sekai sa bo 3: Go aba tshedimosetso e e sa nepagalang e ka nna bothata jo bogolo. Ditokololo tsa setšhaba di ka kopa tshedimosetso, sekai, ya go diragadiwa ga sekema se sentshwa se dintlha tsa sona di iseng di dumelelwe le go amogelwa ke bothati jo bo tshwanetseng. Mothapiwa yo o sa itseng ntlha e, fela legale yo o itseng fela dintlha tsa kakanyo ya sekema o ka abela setšhaba tshedimosetso e e seng ya semmuso. Tirelopuso e ka tlhabisiwa ditlhong fa go dirilwe diphetogo mo sekemeng mme kwa bofelong sa diragadiwa ka mokgwa o sele go na le ka fa setšhaba solofetse ka teng.
Go botlhokwa mo bathapiweng botlhe go itse gore ba direla maikaelelo a le mangwe fela, a go direla Mmuso wa letsatsi le baagi /setšhaba ka bokgoni le ka boikanyego ka fa go kgonagalang ka teng. Ka jalo bathapiwa ba tshwanetse go tsaya matsapa a a kgethegileng go dirisana mmogo. Ka go thusana le go emana nokeng, mmogo le go arogana kitso, dikakanyo tota le metswedi (fa go tshwanetseng), badiredi ba ka kgona go dira ka manontlhotlho le mo dikgatlhegelong tsa Mmuso le setšhaba.
Sekai sa bo 1: Go botlhokwa go itse maikaelelo kgotsa maikemisetso a Tirelopuso ka kakaretso go tlhaloganya gore karolwana nngwe le nngwe fa e diragaditswe ka botlalo, e tshwaela mo maikaelelong a a siameng le a a mosola ka bophara. Ka jalo mothapiwa o tshwanetse go amogela dikakanyo le ditshikhinyo tsa badirimmogo go tswa kwa makaleng a mangwe. Ga go lebaka la go nna lefufa kgotsa go laela ba bangwe gore: "phuthi tswa letlhoding, go tswa ka madi ga go pila - tswang mo karolong ya me", mo Tirelongpuso.
Sekai sa bo 2: Fa mothapiwa a lemoga gore ditlhokego tse di rileng tsa setšhaba di ka kgonagala fela ka go dirisana le ofisi e nngwe, modiredi wa go nna jalo o tshwanetse go tsaya matsapa a go botsa ka ga tirisano eo, le fa tota badiredi ba ba dirang kwa ofising e nngwe, ba se na tirisano kwa tshimologong.
Sekai sa bo 3: Modiredi o kopiwa ke lefapha le lengwe go thusa mo setlhopheng sa batho ba ba tlhophang morero o o rileng. Modiredi o tshwanetse go thusa ka botlalo fa go kgonagala jalo. Legale o tshwanetse go ela tlhoko ditlhokego tsa lefapha la gagwe le go kopa tumelelo go mookamedi wa gagwe.
Go botlhokwa gore bathapiwa ba obamele ditaelo tsotlhe tse di utlwalang, go netefatsa gore ditirelo di a abelwa setšhaba ka mokgwa o o tshwanetseng le o o lolameng. Mekgatlho e megolo e e tshwanang le mafapha a Tirelopuso e ka dira ka bokgoni fela fa go le tsela e e tlhomameng ya botsamaisi jo bo tlotliwang ke badiredi. Fa ditaelo tsotlhe tsa semolao di diragadiwa ka nako le ka bokgoni lefapha lotlhe le ka dira ka botswerere le ka manontlhotlho.
Sekai sa bo 1: Mothapiwa o amogela ditaelo go tswa go motsamaisi kgotsa mookamedi wa sepolotiki go dira sengwe se se sa dumelelweng ka melawana e e laolang Tirelopuso. Mothapiwa o tshwanetse go itse gore melawana eo ke efe mme mo mabakeng a a tshwanang le a, a supetse mookamedi wa gagwe ka ga go tlola molao ga kgato ya go nna jalo. Fa mookamedi a gatelela gore ditaelo tseo di diragadiwe, mothapiwa o tshwanetse go kopa ditaelo tseo di kwadilwe, mme a supe go ema kgatlhanong ga gagwe a bo a itsise bothati jo bo tshwanetseng ka ga morero o.
Sekai sa bo 2: Fa mothapiwa a amogela ditaelo go tswa go mookamedi wa gagwe tsa gore a reke sedirisiwa mme go sa tlhamiwa tendara ka mokgwa wa tshwanelo, mothapiwa a ka kopa gore morero oo o lebisiwe go motlhankedi wa boruni gore a tseye tshweetso.
Tirelopuso e tlhoka go thapa, go tsholetsa maemo a badiredi le go akgola le go leboga badiredi ba, go sa kgathalesege dikakanyo tsa bona tsa sepolotiki kgotsa gore ke ba lekoko lefe, dikgolagano tsa lesika kgotsa maemo a mo setshabeng, fela fa ba na le bokgoni jwa go aba ditirelo.
a Go sekamela mo go thuseng batho ba ba rileng - se se tlhalosa go itlhophela go thapa bathapiwa ba ba rileng, go ba tsholetsa maemo, go ba romela kwa dikgaolong tse di rileng, kgotsa go ba tshola ka mokgwa o o ba tswelang molemo go ya ka dikgatlhegelo tsa modiredi ka sebele, ka mabaka a a tshwanang le botsala, go lebogela se o kileng wa se direlwa, le tse dingwe.
b Go direla gae - se se tlhalosa gore modiredi o thapa modiri, a mo tsholetse maemo, a mo romele kwa kgaolong e e rileng, kgotsa a mo abele sengwe kgotsa ditshono ka mabaka fela a gore ke tolololo ya lelapa la gagwe kgotsa o na le dikgolagano le motho yo o abetsweng dithata go rebola dikgato tsa mofuta o kgotsa go tshokamisa/go tshwaela ka dithata tsa gagwe mo thulaganyong ya lefelo la tiro.
Sekai sa bo 1: Badiredi ba le babedi (modiredi A le B) ba thapiwa mo Tirelongpuso. Ba thapilwe ka maemo a a lekanang, ke ditsala tse di ntshanang sa inong e bile ba nna mo ofising e le nngwe. Modiredi B o tsholeditswe maemo go nna mookamedi wa modiredi A. Ka ntlha ya se, o mo maemong a go abela modiredi A tiro e e kgethegileng, gore a kgone go itshupa mo mabakeng a a rileng le go akgolwa botoka go gaisa badiri mmogo ba bangwe. Ka nako ya go sekasekiwa ga boleng jwa bokgoni jwa modiredi A, mo go dirwang ke modiredi B ka matlhagatlhaga, boitumelo le go ratiwa, o amogela sekgele sa moputso wa tiro ya gagwe, le fa tota go sa reye gore se mo tshwanetse.
Sekai sa bo 2: Mothapiwa o nna le seabe mo setlhopheng se se tlhopha motho yo o tla thapiwang mo Tirelopusong. Mothapiwa o rata motho yo o rileng gonne ke tsala ya gagwe, tokololo ya lekoko la sepolotiki le modiredi a leng tokololo ya lona kgotsa tokololo ya setlhopha sa morafe o o rileng. Se ke go dira o sekametse mo go thuseng batho ba ba rileng, mme se kgatlhanong le maikaelelo a Molaotheo le dikgatlhegelo tsa Puso.
Sekai sa bo 3: Go mekgwa e le mentsi e mothapiwa yo o mo maemong a a kwa godimo a ka dirisang dithata tsa gagwe botlhaswa ka yona. Sekai; botseno jwa bathapiwa mo lefelong la go emisetsa dikoloi bo na le ditaelo tse di tlhaloganyesegang ka botlalo tsa gore lefelo le le rileng le beetswe thoko badiredi ba maemo a a kwa godimo kgotsa baeng ba semmuso. Legale tlhogo ya ofisi e kgapela ditaelo tse kwa thoko ka go letla mogatse go emisetsa koloi ya gagwe mo lefelong le nako le nako. Dikgato tsa mofuta o di dira gore bathapiwa ba seke ba obamela ditaelo le badiredi ba maemo a a kwa godimo mme se ga se letle lefapha gore le dire tiro ya lona ka bokgoni.
Le fa go amogelwa gore dingongorego le dikgotlang di ka nna teng, gangwe le gape mo mafelong a Tirelopuso, go mosola mo mongongoreging le mothapi wa gagwe (mmogo le setšhaba) gore dingongorego le dikgotlang tsa mofuta o di rarabololwe magareng ga matlhakore a mabedi a a amegang ka bonako jo bo kgonagalang. Ke ka ntlha ya lebaka le gore go be go na le mekgwa ya go rarabolola dingongorego le dikgotlang le gore e abelwe bathapiwa botlhe go e dirisa.
a Ngongorego kgotsa kgotlang e ka rarabololwa ka botlalo fela fa matlhakore ka bobedi a a amegang ka sebele mo ngongoregong / kgotlang a ka buisanang / a itshwarellana.
i Mokgwa wa go ngongorega leba Karolo ya bo 35 ya Molao wa Tirelopuso, wa 1994 fa o buisiwa le melawana e e amanang le dingongorego le dikgotlang tsa badiredi ba Tirelopuso, Molawana wa Nomoro ya bo 6575, wa letlha la 1 Phukwi 1999, go ya ka mabaka ao ka ona bathapiwa ba ka tlisang dingongorego/dikgotlang go mookamedi wa bona yo o tshwanetseng go e romela kwa legatong la maemo a a kwa godimo fa mookamedi a sa atlege go rarabolola ngongorego /kgotlang eo.
Sekai sa bo 1: Mookamedi o ntsha pego e e sa itumediseng ka ga tiro ya mothapiwa ka nako ya fa go lekanyediwa bokgoni jwa badiredi kwa ntle ga go abela modiredi tshono ya go tlhalosa letlhakore la gagwe mo morerong o. Se se kgatlhanong le moono wa dikgolagano tse di dumeletsweng tsa badiri ka kakaretso. Mookamedi wa Tirelopuso o tshwanetse go itse gore Tirelopuso e tshwanetse go supa sekai mabapi le go tsamaelana le moono le mokgwa wa melao ya lefatshe le, mme ka gale a netefatse gore o dirisa mokgwa o o lolameng wa tshiamo.
Mokgwa wa tsamaiso ya boto ya go tsereganya go tsamaelana le Karolo ya bo 15 1 ya Mametlelelo ya bo 7 ya Molao wa Dikgolagano tsa Badiri, wa 1995, go ya ka mabaka ao ka ona mothapiwa a ka ntshang ngongorego mokgwa o o sa siamang le o o sa lolamang wa go tshola badiredi go tlhogo ya lefapha yo o tshwanetseng go tlhoma boto ya go tsereganya mme a romele kgotlang eo kwa botong eo fa tlhogo ya lefapha ka sebele e sa atlege.
Sekai sa bo 2: Moromiwa yo o sa itumelelang ntlha ya go lelekiwa mo tirong e seng ka tshwanelo, a ka tlisa lebaka leo kwa go tlhogo ya lefapha, yo o tshwanetseng go sekaseka morero e le go bona gore kgotlang e a rarabololwa. Fa tlhogo ya lefapha e sa atlege go rarabolola kgotlang mo malatsing a le 20, moromiwa yo o ngongoregang a ka kopa tlhogo ya lefapha gore e tlhome boto ya go tsereganya mo malatsing a le 10, e e tshwanetseng go leka go rarabolola kgotlang eo. Fa boto ya go tsereganya e retelelwa ke go rarabolola kgotlang, moromiwa yo o ngongoregang a ka ikgolaganya le kgotlatshekelo ya Merero ya Badiri go thusiwa.
Mo ngongorego/kgotlang e tsamaelanang le botsamaisi jo bo sa siamang le dikgato tse di lomeletsang tsa Puso ka e le yona mothapi, ngongorego / kgotlang e ka romelwa le kwa go Leitlho le le Sireletsang Dikgatlhegelo tsa Setšhaba.
Sekai sa bo 3: Moromiwa yo o lemogang mekgwa e e belaetsang e e dirisiwang o maemong a gagwe a tiro, a ka lemosa mookamedi wa gagwe kgotsa tlhogo ya lefapha. Fa a sa itumelela tsibogo ya mookamedi kgotsa tlhogo ya lefapha, moromiwa yo o ngongoregang a ka romela morero o kwa go Leitlho le le Sireletsang Dikgatlhegelo tsa Setšhaba. Mo mabakeng a a rileng, moromiwa a ka rata go ikgolaganya le Leitlho le le Sireletsang Dikgatlhegelo tsa Setšhaba ka tlhamalalo.
Go kgona go fitlhelela maikaelelo a Tirelopuso ka kakaretso, a e leng go abela setšhaba ditirelo tse di manontlhotlho, baokamedi / batsamaisi botlhe ba mo Tirelongpuso ba gapeletsega go bona gore badiredi ba ba ba laolang ba tlametswe ka kitso le bokgoni go dira tiro ya bona go fitlhelela maemo a a solofetsweng, ba rotloediwe go aba ditirelo tsa mofuta o le gore ba ikaeletse le go rotloetsa dikgolagano tse di edileng tsa merero ya badiri.
netefatsa gore lenaane leo le a diragadiwa; le v tswelela go lekanyetsa gangwe le gape ka fa lenaane le tswelelang ka teng.
Sekai sa bo 1: Mookamedi o tshwanetse gore, ka ditherisano le modiredi yo o sa tswang go thapiwa, a lemoge ditlhokego tsa gagwe tsa katiso. Ditlhokego tsa katiso tse di lemogilweng di tshwanetse go akarediwa mo lenaaneng la katiso le le tsamaelanang le mabaka a tiro ya gagwe le tse di mo dibukaneng tsa katiso. Go tshwanetse go tlhamiwa le lenaane la katiso le le tla tlhalosang tswelelopele ya tlhabololo ya modiredi yo o sa tswang go thapiwa.
simolola mekgwa ya go tsholetsa le go tokafatsa selekano sa go rotloetsa badiredi fa go tlhokagala; le iv tswelela go lekanyetsa gangwe le gape selakano sa go rotloediwa ga badiredi.
simolola mekgwa e e tla dirang ditshiamelo tse badiredi ba tla dirisiwang sentle ka botlalo ka teng; le iv ka metlha ba tswelele go ela tlhoko gore badiredi ba dirisiwa ka botlalo.
Sekai sa bo 2: Baokamedi / batsamaisi ba tshwanetse gore tswelela go lekanyetsa bontsi jwa tiro le selekano sa mokgwa wa go dira ga badiredi go netefatsa gore badiredi botlhe ba dirisiwa sentle ka botlalo. Se se tla thibela tlwaelo ya gore badiredi ba bangwe ba nne le tiro e ntsi fa bathapiwa ba bangwe ba itirela tiro e nnye fela. Badiredi le bona ba tshwanetse go rotloediwa go itse tiro e ka gale e seng karolo ya tiro ya bona mmogo le tiro ya boikarabelo jwa maemo a a kwa godimo, gore ba nne badiredi ba ba tokafalang ba ba siametseng go ka diriswa mo tirong ya maemo a a kwa godimo fa nako e tlhoka jalo.
simolola ka mekgwa, fa go tlhokagala jalo, ya go tokafatsa dikgolagano tse di siameng tsa merero ya badiri; le iv tswelela go lekanyetsa gangwe le gape go siama ga dikgolagano tse di siameng tsa merero ya badiri.
Sekai sa bo 3: Baokamedi / batsamaisi ba tshwanetse go lekanyetsa mokgwa wa go dirisana mmogo ga badiredi mo makaleng a bona mme ka gangwe fela ba tsereganye fa badiredi ba bonala e kete ga ba dire tiro ka mowa o o edileng kgotsa ba simolola go ngangisana thata.
Molaotheo, melao ya go thapiwa mo tirong le ya merero ya badiri, mmogo le Molao wa Setso, o dira ditshiamelo tsa gore badthapiwa mo Tirelongpuso ba nne le ditshwanelo tsa botho gore ba tsholwe ka mokgwa o o lolameng le o o lekalekanang. Fa ditshwanelo tseo di gatakiwa ka mokgwa mongwe, bathapiwa ba ka dirisa ditshiamelo tsa go rarabolola dikgotlang tse di akareditsweng mo Molaong wa Tirelopuso, wa 1994, Molao wa Melawana ya Tirelopuso le wa Merero ya Dikgolagano tsa Badiri, wa 1995, kgotsa ba ka ikuela kwa Kgotlatshekelong ya Molaotheo, Kgotlatshekelo Kgolo kgotsa go Leitlho le le Sireletsang Dikgatlhegelo tsa Setšhaba, gore ba thusiwe, go ya ka fa mabaka a tla beng a eme ka teng.
dumelela badiredi ba bangwe ka gale gore ba emelwe ke motho yo mongwe fa ba kopa jalo; le iv rerisana / go batla kgakololo / go buisana ka mokgwa o o bulegileng.
Sekai sa bo 1: Fa modiredi a, sekai; latofadiwa ka lenyatso le maitsholo a a botlhaswa, o tshwanetse go otlhaiwa ka mokgwa wa tsamaiso e e lolameng, mmogo le ka mabaka a a siameng le a a utlwalang.
nna le tshwanelo ya go botsolotsa dipaki dipotso; le nna le tshwanelo ya go ikuela.
Mokgwa wa tsamasiso e e lolameng le wa mabaka a a utlwalang o kaya gore dintlha tsotlhe tse di beilweng mo tafoleng di tshwanetse go tsewa tsia di lebilwe sentle ka fa go kgonagalang ka teng pele go tsewa tshweetso.
v tlotla ditshwanelo tsa badiredi ba bangwe; le vi reetsa dikgatlhegelo tsa batho ba bangwe ba ba amegang.
tshola badiredi ba bangwe gore ba a lekalekana ka dinako tsotlhe; le iii leba dilo sentle gotlhelele ka botlalo le go dirisa mekgwa e e tshwanang fa go tsewa tshweetso e e ba amang.
Sekai sa bo 2: Mookamedi o naya badiredi ba e leng ditokololo tsa tumelo ya gagwe nako ya go ikhutsa fela o ganela ditokololo tsa setlhopha se sengwe sa bodumedi tshono ya go ikhutsa. Se ke kgethololo. Ditlhopha tsotlhe tsa bodumedi di tshwanetse go tsholwa ka mokgwa o o tshwanang.
Go ya ka mabaka a Molaotheo, Tirelopuso ga ya tshwanela go tsaya letlhakore lepe la sepolotiki mo ditirelong tse bo di abelang setšhaba. Se se tlhalosa gore badiredipuso ba tshwanetse go abela baagi botlhe mo lefatsheng le ditirelo mme ga ba tshwanela go itlhophela ope. Tirelopuso le badiredi ba yona ba emetse go aba ditirelo mo lefatsheng la rona ka bophara, mme ga bo a tshwanela, mo tirong ya jona, go tsweletsa pele dikgatlhegelo tsa lekoko lepe fela la sepolotiki.
Sekai sa bo 1: Motho yo o apereng hempe ya T-shirt ya letshwao le le kwadilweng moono wa lekoko le le rileng la sepolotiki a ntse a aba ditirelo mo setshabeng tsa go rebola makwalo a boitshupo a ka latofadiwa ka gore o tlhotlheletsa mekgwa ya kgethololo fa a palelwa ke go rebola lekwalo leo la boitshupo mo pakeng ya nako e e rileng, le fa tota lebaka la gore a diege le se ka fa tlase ga taolo ya gagwe. Go ya pele tokololo ya setšhaba e ka khupisega fa e thusiwa ke motho mongwe yo o tlhotlheletsang lekoko le le rileng la seplotiki mo setheong sa bosetšhaba.
Sekai sa bo 2: Mothapiwa yo o letlang ditokololo tsa makoko a a rileng a sepolotiki go fitlhelela tshedimosetso eo setšhaba se tshwanetseng go e abelwa, mme a ganela ditokololo tsa lekoko le le rileng la sepolotiki go bona tshedimosetso eo, o paletswe ke go abela batho botlhe ba Aforika Borwa ditirelo, go sa kgathalesege gore ba ikwadisitse mo lekokong lefe la sepolotiki.
Mo tirong ya bona ya letsatsi le letsatsi, badiredi ba tshwanetse ka gale ba ipotsa gore a se ba se dirang tota se tshwaela mo go abeng ditirelo kgotsa dipoelo tse lekala la bona le rweleng boikarabelo jwa go di tlisetsa setšhaba. Se, nnete tota, se tlhoka gore badiredi botlhe ba nne le kitso e e tletseng ka ga maikaelelo le maikemisetso a makala a bona le setheo, bogolo segolo sa botlhokwa, le tiro ya bona mo lekaleng leo.
Baokamedi/batsamaisi ba tshwanetse go tswelela go ipotsa gore a tiro e makala a bona a e abang e tshwaela mo go abeng ditirelo tse ditheo tsa bona di rweleng boikarabelo jwa go di aba.
Bathapiwa mmogo le baokamedi/batsamaisi ba tshwanetse ka bobedi go ela tlhoko gore ba se ke ba boeletsa tiro e e ka beng tota e abiwa ke setheo se sengwe.
Sekai sa bo 1: Mothapiwa o tshameka metshamekwane ya dikhomputa mo khomputareng ya mo ofising ka nako ya tiro. Se se nyatsa maikaelelo a boineelo mo tirong e bile se lomeletsa mosola wa nako (le go utswa madi) a mothapi. Fa motho a sena tiro epe fela e a e dirang, o tshwanetse go bolelela mookamedi wa gagwe gore a dirisiwe mo go mosola ka go dira sengwe gore go fitlhelelwe maikaelelo a mokgatlho.
Sekai sa bo 2: Motsamaisi wa lenaneo la ditekanyetso kgotsa motsamaisi yo o rweleng boikarabelo o tshwanetse go nna kelotlhoko ka go dirisa matlole a setšhaba a a roletsweng mo magetleng a gagwe go fitlhelela maikaelelo a lenaneo leo. Se se tlhoka gore a rulaganye tiro ya gagwe ka tlhomamo le go tila mokgwa wa go dirisa manaane a nama o tshwere kgotsa go tsaya ditshweetso tsa motsotswana.
Bathapiwa ba tshwanetse go amega ka botlalo fa ba dira tiro ya bona. Ba tshwanetse gore ka dinako tsotlhe ba dirise ditlhaloganyo tsa bona ka botlalo go batla mekgwa ya go dira tiro ya bona ka bonako le botoka go aba dipoelo le/kgotsa ditirelo mo setshabeng. Go tlhagelela mathata a le mmalwa mo tsamaong ya letsatsi mo tirong. Bathapiwa ba tshwanetse gore ka dinako tsotlhe ba batle mekgwa ya go rarabolola mathata ao ka bonako le ka mekgwa e e botoka ka fa go kgonagalang ka teng mme gape ba tshwanetse go batlisisa le mekgwa ya go dira tiro ka botswerere le manontlhotlho go thibela gore mathata ao a se ke a tlhagelela gape.
Sekai sa bo 1: Fa mothapiwa a dira mo lekaleng le le rebolang ditifikeiti a lemoga gore setšhaba ga se a itumelela mokgwa o o dirisiwang le paka ya nako e e tsewang go ntsha ditifikeiti tseo, o tshwanetse go batlisisa mekgwa e tirelo e ka diriwang ka bonako le ka bokgoni ka teng, mme a gakolole mookamedi wa gagwe ka ntlha eo.
Sekai sa bo 2: Fa mothapiwa a dira mo ofising e e thusang setšhaba a lemoga gore batho ba tshwaragana le mathata a go bona mo ba ka emisetsang dikoloi tsa bona teng, kgotsa ba ema mo methalong nako e telele, o tshwanetse go akanya ka ga mekgwa ya go rarabolola bothata joo. Lefelo le setšhaba se amogelang ditirelo mo go lona le ka sutisediwa kwa lefelong le lengwe le le fitlhelelwang bonolo kgotsa go ka tlhomiwa mafelo a a fetang le le lengwe a setšhaba se ka thusiwang mo go ona.
Mothapiwa o tshwanetse go itse gore boikarabelo jwa bona jwa go dira tiro ya semmuso bo botlhokwa thata le gore go dira tiro ya bona go tshwanetse ga dirwa kwa ntle ga go kgorelediwa ke sepe, ka nako, le ka maatlametlo. Bathapiwa ba tshwanetse gore ka mokgwa o o kgethegileng ba tseye matsapa a go konosetsa tiro ya bona ka nako/ka nako e e beilweng le e e tlhokegang ka yona.
Bathapiwa ba tshwanetse gape gore ba tseye matsapa a go ithotloetsa ka nosi le go itse se ba se dirang, ba dire tiro ya bona ka boikanyego go tsamaelana le moono le mekgwa e e beilweng kwa ntle ga go leta gore motho yo mongwe a ba kope/gakolole gore ba dire jalo.
Sekai sa bo 1: Mothapiwa o goroga mo tirong thari morago ga nako a lapile ka ntlha ya go lala masigo a tswa kwa moletlong wa bosigo jo bo fetileng mme a sa kgone go dira tiro ya gagwe ka tshwanelo. O latofalediwa gore ga a na boikarabelo e bile o senya ka madi a setšhaba.
Sekai sa bo 2: Fa mothapiwa a tshwanetse go konosetsa tiro e e rileng mo nakong e e beilweng, o tshwanetse go dira ka mokgwa o a ka se keng a palelwa ke go tshwara nako e e beilweng ya tiro eo. Se se tlhoka gore a dire mo nakong ya gagwe ya go nwa teye, ya go ja dijo tsa motshegare le morago ga diura tsa tiro, kgotsa a kope badirimmogo gore ba mo thuse fa e le gore tiro eo e ka se kgonwe ke motho a le nosi mo nakong e e beilweng.
Bathapiwa ba tshwanetse gore ka dinako tsotlhe ba ipotse gore a ka boammaruri ba itumeletse boleng jwa tiro e ba e direlang setšhaba le gore a ba ne ba tla itumela fa ba ne ba le mo maemong a batho ba ba amogelang mosola wa tiro kgotsa ditirelo tsa bona. Bathapiwa ba tshwanetse gape gore nako le nako ba ipotse gore a ba tshotse batho ba bangwe (badirimmogo, baokamedi le setšhaba), ka mokgwa wa go tlotla seriti sa botho jwa bona le ditshwanelo tsa botho le gore a ba na le kitso, ba supa boitumelo, go thusa le boitsholo jo bo siameng. Bokgoni jwa bona jwa go aba ditirelo ka mokgwa wa seporofeshenale bo ikaegile gape mo kitsong ya bona ya tiro e e tshwanetseng go dirwa, seo gape se gatelela botlhokwa jwa boikarabelo jwa mothapi le badiredi jwa go tlhoma manaane a katiso.
Sekai sa bo 1: Ka dinako dingwe mothapiwa yo o dirang mo khaontareng o rakana le motho yo o nang le bothata jwa go tlhaloganya gore ke eng dilo tse dingwe di dirwa ka mokgwa o o rileng. Mothapiwa ga a tshwanela go kukega maikutlo, fela o tshwanetse go tlhalosa mabaka a se. Fa motho yoo a santse a sa itumela, modiredi a ka mo tshikhinyetsa gore a kwale ngongorego ya gagwe mme a mo itsise aterese eo a ka romelang ngongorego eo kwa go yona.
Sekai sa bo 2: Fa mothapiwa a rwele boikarabelo jwa go araba dipatlisiso go tswa mo setshabeng, o tshwanetse go netefatsa gore dipatlisiso tsotlhe di tsibogelwa ka bonako le gore dikarabo di ntsha dintlha tse di nepagetseng ka boikobo le go rulaganngwa ka tshwanelo. Mo lebakeng la fa karabo e ka se romelweng ka bonako, modiredi o tshwanetse ka gangwe fela a itsise tokololo ya setšhaba gore o amogetse kopo ya dipatlisiso tseo.
Sekai sa bo 3: Mothapiwa yo o sa tswang go thapiwa o beilwe go aba ditirelo tsa mo khaontareng kwa ntle ga mookamedi yo o mo supetsang tiro le kwa ntle ga go katisiwa. Le fa tota go ka tlhalosiwa gore modiredi yo o amegang o tshwanetse go ithuta tiro "ka go e kakatlela ka diatla", ga go a tshwanela go ikgatholosiwa phoso e e ka diragalang ya go senya leina la mothapi fa modiredi a dira diphoso kgotsa badirisi ba senyediwa nako mo go sa amogelesegeng.
Gore ba tshegetse boikanyego jwa Tirelopuso, bathapiwa botlhe ba solofetswe go aba ditirelo ka boikanyego le ka botswa pelo.
kgotsa f ka dirang gore ba akanyediwe gore go kgonagalo ya gore ba lomeletse kgotsa ba tseya letlhakore la setlhopha se se rileng.
Boitsholo jwa bathapiwa ba le mo tirong kgotsa ba se mo tirong bo tshwanetse go nna jwa gore Mmuso wa letsatsi le ditokololo tsa setšhaba di tla ba ikanya gore ba tla dira tiro ya bona ka boikanyego, ka maikaelelo a le mangwe fela a botlhokwa a gore ba tla direla dikgatlhegelo tsa setšhaba.
Sekai sa bo 1: Mothapiwa yo o dirang ka go sekaseka selekano sa go duela lekgetho, kwa ntle ga tiro ya gagwe kgotsa ka nako ya diura tsa gagwe tsa tiro, mo e bileng a duelwang, kgotsa a direla motho molemo fela, ga a tshwanela go thusa ditokololo tsa setšhaba go ikgatholosa go duela lekgetho.
Sekai sa bo 2: Mothapiwa ga a tshwanela go nna tokololo ya boto ya mokgatlho/kgwebo e lefapha la gagwe le dirang kgwebo le yona.
Fa bathapiwa ba lemoga gore ba ka se kgone go nna ba sa tseye letlhakore lepe fa ba dira tiro ya bona kgotsa fa go tsewa tshweetso, kgotsa fa batho ba bangwe ba ka nnang le mabaka a go dumela gore ba ka se kgone go nna ba sa tseye letlhakore lepe ka ntlha ya mabaka mangwe a go tswa kwa ntle, badiredi ba tshwanetse gore ka gangwe fela ba intshe mo ditirong tsa mofuta oo, go sireletsa maemo a a lolameng, a boammaruri le boikanyego mo sebopegong sa Tirelopuso.
Sekai sa bo 1: Fa mothapiwa e le tokololo ya setlhopha se se tlhophang batho ba phatlhatiro e e lolea mme a lemoga gore mongwe wa ditokololo tsa ba lelapa la gagwe o dirile kopo ya phatlhatiro eo mme e bile o akareditswe mo lenaaneng la ba ba tla botsolodiwang, mothapiwa wa go nna jalo o tshwanetse go intsha mo tsamaisong ya se, gonne go tla tsewa gore a ka se ke a nna a sa tseye letlhakore ka gope. Modiredi o tshwanetse go itsise se ka go kwala.
Sekai sa bo 2: Fa mothapiwa a amega mo porojekeng ya go rekela Puso lefatshe mme karolo nngwe ya lefatshe leo e le ya ba lesika la gagwe, mothapiwa o tshwanetse go itsise baokamedi ba gagwe mme a intshe gore a se ke a amega mo kgwebisanong eo.
Ke boikarabelo jo bo kgethegileng jwa batsamaisi le baokamedi go bona gore badiredi ba bona ba amogela katiso e e tswelelang go netefatsa gore ba tla kgona go dira tiro ba ikemetse ka nosi le go ba tlamela go tsholediwa maemo mo isagweng ya botshelo jwa bona.
b o na le kitso e e tletseng e bile o tlhaloganya mokgwa wa go dira tiro ya gagwe; le c o tokafatsa kitso le bokgoni jwa gagwe ka mabaka a gore bo tla dirisiwa mo isagweng fa a le mo maemong a a kwa godimo.
Sekai sa bo 1: Fa mothapiwa yo o sa tswang go thapiwa mo tirong a sa itse mokgwa wa go dira tiro ya gagwe, o tshwanetse go buisa dikwalwa tse di laolong mofuta oo wa tiro le go batlisisa mo badiringmmogo kgotsa mo mookameding wa gagwe, kgotsa a ikgolaganye le bona ka bobedi.
Sekai sa bo 2: Bathapiwa ba ba dirileng dingwaga di le dintsi ba ka supa go tlhoka kitso mo mafelong a mangwe a tiro ya bona. Go ka ba tswela mosola fa ba ka dirisa tshono nngwe le nngwe e e leng teng go ikatisetsa kwa pele, sekai; ka go ithuta dithuto katiso tsa tiro ya bona kgotsa ba ikwadisetsa dithuto tsa ditheo tsa thuto e e kwa godimo.
Setšhaba ka bophara se ikantse badiredipuso ka thoto, boswa le matlole a Puso, mme se solofetse gore ba tla di tshola ka mokgwa o o boikarabelo le o o boikanyego.
Bathapiwa ba solofetswe gape go somarela madi a baduela lekgetho ka mokgwa o ba dirisang le go tshola thoto le madi a setšhaba ka teng. Go botlhokwa go itse gore fa ba tshola ditshenyegelo tsa Puso di le kwa tlase, ba tla kgona go aba ditirelo tse di lekaneng le tse di botoka mo lefatsheng la rona go lepalepana le metswedi e e tlhaelang.
Sekai sa bo 1: Fa mothapiwa a na le tshono ya go dirisa motshini wa fekese, ga a tshwanela go romela le go amogela melaetsa ya sephiri a dira e kete ke ya semmuso. Fa modiredi a eletsa go romela fekese ya poraevete, o tshwanetse go kopa tumelelo ya semmuso gore a e romele mme e bile o tshwanetse go duelela go dirisa fekese eo.
Sekai sa bo 2: Mothapiwa o dirisa thoto ya Puso (dikoloi, dimatshini, fanitshara, le tse dingwe) botlhaswa, a be a di senya. Se se tlhalosa gore o senya madi a setšhaba le gore go tla abiwa tirelo ya maemo a a kwa tlase a a bokowa, se se sa tsweleng setšhaba mosola ope.
Sekai sa bo 3: Mothapiwa o dirisa thoto ya Puso (sengwe le sengwe go tswa mo dipampiring go ya go diphensele le dikoloi) botlhaswa, mo mabakeng a gagwe a poraevete. Se ga se mo dikgatlhegelong tsa setšhaba gonne motho yoo ga a utswe fela thoto ya Puso mme o utswa ya setšhaba, e bile o dira gore setšhaba se se ke sa tlotla Tirelopuso.
Go dira tiro ya monontlhotlho, e e bokgoni, mo pepeneneng le tsamaiso e e boikarabelo go tlhalosa gore moagi mongwe le mongwe o na le tshono e e lekanang ya go fitlhelela ditirelo tse di bokgoni, tse di mosola le tse di botsalano, go sa kgathalesege gore maemo a gagwe, bong jwa gagwe, lotso lwa gagwe le tse dingwe di eme jang mo setshabeng.
Fa go abiwa tiro e e manontlhotlho le ka tsamaiso e e boikarabelo, go tshwanetswe ka gale ga tsholwa mo tlhaloganyong botlhokwa jwa mosola le maikaelelo a Molaotheo. Bathapiwa ka dinako tsotlhe ba tshwanetse go leka go konosetsa tiro ya bona ka nako, mme gape ba tswelele go dira tiro ya maemo a boleng jo bo kwa godimo, go sa kgathalesege gore a tiro eo e bonwa e se ya botlhokwa.
Sekai sa bo 1: Fa mothapiwa a filwe taelo ya go dira dikhophi tsa dikwalwa tse di tshwanetseng go mamarediwa mo makwalong a a romelwang kwa ditheong tse dingwe, dikhophi tsa go nna jalo di tshwanetse tsa nna bontle le bophepa, di bonala sentle, ka se se tla tsholetsa sebopego tsa setheo sa modiredi yoo.
Sekai sa bo 2: Mothapiwa yo o rwesitsweng boikarabelo jwa go tlhokomela dipalangwa tsa Mmuso o tshwanetse go netefatsa gore dibuka tsotlhe tsa go kwala go dirisiwa ga dipalangwa tse di beilweng mo magetleng a lekala/karolo ya gagwe di tlisiwa ka nako mme dikilomitara tsa sekgala se se tsamailweng di kwalwa ka botlalo le ka tshwanelo.
Sekai sa bo 3: Ditherisano le dikgwebisano tsotlhe tsa semmuso di tshwanetse go kwalwa ka tshwanelo mme mokgwa o o dirisitsweng o etswe tlhoko sentle fa go ka nna le dipatlisiso kgotsa ga tsoga kgotlang ka ga morero o. Se se tla tsholetsa mokgwa wa go direla dilo mo pepeneneng.
Bonweenwee le bogodu di tlhalosa go wela tlase ga mekgwa ya setho ka bophara bogolo segolo go tlhatswa batho ba bangwe matsogo e se ka semolao le bonweenwee. Gangwe le gape go tsamaelana le ditiro tsa bosenyi, sekai; go sunya nko go ya ka maemo a motho, go gweba ka diritibatsi, badiri ba ba duelwang go se badiredi ba go nna jalo, bonweenwee le bosenyi jo bo rulagantsweng sentle ka tshwanelo tse di ka kgoreletsang maemo a ikonomi a semolao.
Lwantlha, ke ntlha e e lomeletsang botho jwa setšhaba mme e kotsi mo baaging. Gantsi e gatelelwa ke dikakanyo tsa "go ikhumisa ka bonako; ka khumo e e gaufi". Lwabobedi, e nyatsa maemo a semolao a lenaane la sepolotiki ka go nyeletsa boikanyego le boipelo mo setshabeng, gonne fa mokgwa wa tsamaiso ya puso o latlhegelwa ke boikanyego go runya maemo a a sa tsepamang le go tlhoka molao.
Lwaboraro, e tlhakatlhakanya lenaane la merero ya ikonomi. E dira se ka go nyemisa babeeletsi ba kwa mafatsheng a bodi tšhaba tšhaba le ba mono gae mooko. Bomenemene bo nyeletsa mokgwa o o siameng wa boikanyego le botshepegi jwa setšhaba mo lenaaneng la demokerasi. Re tshwanetse go thuba mokgwa o tlhogo.
Ke boikarabelo jwa bathapiwa botlhe go bega dikgato dingwe le dingwe tse e seng tsa semolao, go tlhoka boikanyego kgotsa ditiro tsa bomenemene kwa go baokamedi kgotsa bathati ba ba tshwanetseng ka bonako jo ba bo lemogang ka jona. Ditiro tsa bomenemene gangwe le gape di tlholwa ke go tlhoka motheo wa mokgwa o o siameng mo tirong, go tlhoka boikarabelo jwa merero ya setšhaba, mmogo le go direla ba masika a motho ditshiamelo tse di kwa thoko.
Sekai sa bo 1: Mothapiwa yo o rwesitsweng boikarabelo jwa tiro ya go isa badirimmogo kwa gae gangwe le gape, ka sepalangwa sa khombi ya Mmuso, a ka letlelelwa ka mabaka a a tshwanetseng, go ya gae ka sona le go se emise mo setsheng sa gagwe. Badirimmogo ba lemoga gore modirikabona o dirisa khombi eo go nna thekese gore a itsenyetse madi. Ba tshwanetse go begela mookamedi wa modiri yoo ka ga se ka bonako. Fa go sa tsewe dikgato tse di tlhokegang, morero o o ka begiwa kwa go Leitlho le le Sireletsang Dikgatlhegelo tsa Setšhaba.
Sekai sa bo 2: Fa mothapiwa wa Lefapha la Dipalangwa yo o rweleng boikarabelo jwa go ntsha dithekethe tsa go tlola molao wa tsela a solofediwa madi a bomenemene ke mokgweetsi, o tshwanetse go bega mokgweetsi yoo gore a tle a latofadiwe. Fa mothapiwa a amogela madi ao a bomenemene, o molato wa letsogo le le kobong.
Sekai sa bo 3: Mothapiwa ga amege ka gope mo ditirong tsa bomenemene, fela o itse fa badirimmogo ba amega mo go tsona. Fa mothapiwa yoo a itidimalela fela a sa bege mokgwa o o bosula o, o ikgatholosa boikarabelo mmogo jwa seriti sa Tirelopuso. Mo lebakeng le le tshwanang le le, modiredi yoo o tla latofalediwa mmogo bomenemene joo.
Fa bathapiwa ba kopiwa go abela bathati ba maemo a a kwa godimo kgakololo ka ga morero o o rileng, e tshwanetse go ntshiwa ka mokgwa wa seporofeshenale go ya ka mabaka a maemo a tiro. Kgakololo ya mofuta o ga ya tshwanela go tshwaelwa ke tse motho a di ratang, tse a sa di rateng kgotsa tse di itumedisang ditsholofelo tsa gagwe.
Sekai: Mothapiwa yo o tshwagaraganeng le morero wa ngongorego kgatlhanong le modirimmogo nae, yo a mo utlwelang botlhoko ga a tshwanela go ganela botsamaisi ka tshedimosetso gore a koafatse le go tokafatsa maemo a modirimmogo nae mo molatong oo. Go tshola le go gana ka tshedimosetso mo molatong o, go ka nna kotsi le go lomeletsa lefapha/tsamaiso.
Go direla dilo mo pepeneneng go tlhalosa, mo gare ga tse dingwe, gore motho mongwe le mongwe o na le ditshwanelo tsa go fitlhelela tshedimosetso e e tshotsweng ke Puso, fa tshedimosetso ya mofuta o, e tlhokega go sireletsa ditshwanelo tse di rileng tsa motho. Legale go ka nna le tshedimosetso e e tsewang gore ke ya sephiri. Mo mabakeng a a tshwanang le a, ke boikarabelo jwa modiredi go tlotla sephiri seo, ka go senola tshedimosetso e, go ka nna kotsi mo Pusong.
Sekai sa bo 1: E tla be e le phoso e kgolo fa mothapiwa a ka abela bobegakgang tshedimosetso ya sephiri, go tshwana le ditshweetso tsa Kabinete kgotsa molaotlhomo wa Puso ya letsatsi o o santseng o akanngwa.
Sekai sa bo 2: Tshedimosetso e e bolokilweng mo dikhomputareng tsa badiredi ka sebele e tsewa e le tshedimosetso ya sephiri mme e tshwanetse go tsholwa jalo ka dinako tsotlhe. Tshedimosetso a mofuta o, sekai; ga ya tshwanela go abelwa ditlamo tsa inshorense kgotsa ditheo tsa kwa ntle, kwa ntle ga fa go le lebaka le le utlwalang gore e ntshiwe mo e tshwanetseng go dumelelwa ka mokgwa o o tshwanetseng.
Tshedimosetso e e bosisi le ya sephiri e ka romelwa fela ka fekese fa go se mokgwa o mongwe gape wa go e romela. Fekese ya mofuta o e tshwanetse go dumelelwa pele ke motswedi o e tswang kwa go ona le motho yo o tla e amogelang, tshedimosetso e go tsewang gore ke ya sephiri sa khupamarama ga ya tshwanela go romelwa ka mokgwa o o fitlhelelwang ke mang le mang, kwa ntle ga fa go tserwe mekgwa ya go e sireletsa. Mo mabakeng otlhe, tshedimosetso e tshwanetse go sirelediwa ka dinotlolo kgotsa ka mokgwa mongwe le mongwe o e ka romelwang ka ona o o babalesegileng.
GO LAOLA GO FITLHELELA TSHEDIMOSETSO: Tshedimosetso ya mefuta e e farologaneng e tshwanetse go fitlhelelwa ke batho ba e ba tshwanetseng le ba e ikaeletsweng gore ba e amogele. Go tshwanetswe ga tlhongwa lenaane la batho ba ba tshwanetseng go fitlhelela tshedimosetso. Ditshwanelo tsa go fitlhelela tshedimosetso di tshwanetse go rulaganngwa ka fa go tla tsweletsang mofuta wa kgwebo.
Mekgwa ya sephiri ya dinomoro tsa motho (e e bidiwang "Password") ga ya tshwanela go aroganngwa le motho ope yo mongwe, le fa e ka nna ka lebaka lefe kgotsa lefe. Melaetsa e e fitlhelelwang ke motho a le kgakala le mafaratlhatlha e tshwanetse go sirelediwa ka go e abela maina, go e abela dithata le ka mekgwa ya mokwalo wa sephiri. Melaetsa e e fitlhelelwang ke batho ba bangwe ba sele e tshwanetse go dumelelwa fela fa go se kotsi e e kalo kgotsa go se kotsi ka gope.
E-MEILI LE WWW: Di tshwanetse go dirisediwa mabaka a semmuso mme e seng mabaka a a bosula kgotsa a a seng a semolao. Go romela tshedimosetso ya melaetsa e e bosisi go tshwanetse ga dirwa ka mokwalo o o tshwanetseng wa sephiri le mosaeno o o tsweletseng pele wa se-eleketeroniki. Go tshwanetse ga tshegediwa maemo a a se nang ditwatsi le megare ya dikhomputa, melaetsa e e belaelwang gore e ka nna kotsi ga ya tshwanela go bulwa ka gope. Elangtlhoko gore le se ke la itshunya mo melaetseng e e sireleditsweng gore ke thoto ya setheo se se rileng, netefatsang melaetsa le metswedi e e tswang kwa go yona. Tshedimosetso ya melaetsa e e sa tshwanelang e tshwanetse go sekasekiwa ka tshwanelo le ka botlalo.
GO SOMARELA TSHEDIMOSETSO: Tshedimosetso ya sephiri ka gale e tshwanetse go romelwa ka mokgwa wa mokwalo wa sephiri. Go diragadiwa ga mekgwa ya go netefatsa gore tshedimosetso ga e sutlhelele kwa e sa tshwanelang teng go tshwanetse go nna sengwe sa botlhokwa se se begelwang badiredi botlhe. Sephiri sa khupamarama se tshwanetse go tshegediwa ka dinako tsotlhe. Seriti se ditheo tse dingwe di tla somarelang tshedimosetso ka sona se tshwanetse go netefadiwa pele tshedimosetso e romelwa kwa go tsona. Sephiri sa tshedimosetso ga se a tshwanela go diragadiwa fela mo go dirisiwang mokgwa wa "di-password", mekgwa e mengwe, sekai; e e tshwanang le ya se-eleketeroniki le yona e tshwanetse go batlisisiwa ka botlalo. Ke fela badiredi ba ba abetsweng dithata ba ba tshwanetseng go buisana le babegadikgang. Ditherisano tsa mofuta o di tshwanetse go rulaganngwa ka tshwanelo mme di tsamaelane le maikaelelo a setheo ka kakaretso. Dinomoro tsa diaterese le difekese di tshwanetse go netefadiwa pele tshedimosetso e ka romelwa.
GO THIBELA BOSENYI JWA GO UTSWA TSHEDIMOSETSO: Go tshwanetswe go nna le maparego a maemo a a kwa godimo a go thibela bosenyi jwa mafaratlhatlha.
Gangwe le gape go tshwanetse go sekasekwa mekgwa ya go thibela le go fokotsa ditsela tsa go tlhasela mafaratlhatlha. Go tshwanetse ga netefadiwa bokgoni jwa go a tlhamakanya gape ka bonako. Bosupi jo bo leng teng ga bo a tshwanela go kgaphelwa thoko gonne melaetsa e le mo sebopegong sa se-eleketeroniki. Bogodu jwa tshedimosetso bo otlhaiwa semolao ka Molao wa Ditlhaeletsano le Kgwebisano ya Se-eleketeroniki, Molao wa go Kgoreletsa le go Sekaseka Merero le metswedi e mengwe ya molao wa bosenyi. Bo tsebe ntlha jwa badiredi le go nna kelotlhoko di tshwanetse go nna di tshegeditswe.
Mmuso le setšhaba se solofetse maemo a a kwa godimo a boporofeshenale go tswa mo badiredingpuso. Boporofeshenale mo bo tlhalosa go simolola tiro ka nako kgo mo tlhogong, go ikakanyetsa go simolola dilo, boineelo, bokgoni le maemo a a kwa godimo a boleng jwa go aba ditirelo. Mokgwa wa moaparo ka gale o tshwanetse go nna makgethe, wa boitsholo le o o tlotlegang. Bathapiwa, bogolo segolo ba ba dirang le setšhaba ka tlhamalalo, ba tshwanetse go ela tlhoko gore ba se ke ba apara meaparo e e sa eletsegeng, kgotsa ba lebega botlhaswa.
Sekai sa bo 1: Bathapiwa, bogolo segolo ba ba thusang setšhaba ka tlhamalalo mo matlhong, ga ba tshwanela, sekai; go tsena mo tirong ba apere dihempe tse di gagogileng kgotsa marukgwe a matalanyane a a phunyegileng masobana.
Sekai sa bo 2: Ga go modiredipuso ope yo o tshwanetseng go tla mo tirong a le malabulabu a lebega botlhaswa. Fa, sekai; modiredi yo o dirang mo botsenong jwa mo lefatsheng la rona a tsena mo tirong a sa poma ditedu e bile a nkga bojalwa jo bo tagang, o tla be a supa sebopego se se maswe sa Aforika Borwa, se se tla lomeletsang lefatshe le.
Bathapiwa ga ba tshwanela go tagiwa kgotsa go nwa metswako epe ya nnotagi fa ba le mo tirong. Kwa ntle ga matlhabisa ditlhong a ba tla a supang, se se ka lomeletsa go aba ditirelo le go golagana le badirimmogo le setšhaba.
Maikutlo a a tsholetsegileng le go nna seoposengwe ga badiredi ke ntlha e e botlhokwa mo tirong ya mokgatlho mongwe le mongwe. Bathapiwa ga ba tshwanela go itlhabisa ditlhong mo pele ga matlho a badirimmogo ka go dirisa metswako ya nnotagi botlhaswa ka dinako tsa meletlo ya semmuso.
Le fa tota mothapiwa a se mo tirong, o sala e le modiredi puso mme ka gale o tshwantse go itshola ka boikarabelo le go se tlhabise Tirelopuso ditlhong.
Sekai sa bo 1: Mookamedi yo o nwang nnotagi go feta selekano mo moletlong wa ofisi mme a tagiwa thata o tla tlhabisa ditlhong mo pele ga matlho a batsamaisi ba gagwe, badirimmogo le badiredi ba ba mo tlase ga gagwe. Se se ka lomeletsa mokgwa wa go dira tiro e e manontlhotlho ya lekala la gagwe.
Sekai sa bo 2: Fa mothapiwa, bogolo segolo yo o tshwanetseng go abela setšhaba ditirelo, a goroga mo tirong a nkga bojalwa jo bo tagang (kgotsa, mo go tlhabisang ditlhong tota, a tagilwe), bonnye o tla latofalediwa maitsholo a a maswe, mme maitsholo a gagwe a tla senya selebego le bokgoni jwa Tirelopuso ka kakaretso. Go botlhokwa gape go tlhaloganya gore maitsholo a mofuta o, a tsewa e le a a botlhaswa le gore modiredi puso yoo o tla latofadiwa go ya ka mabaka a boitsholo joo.
Mothapiwa ga a tshwanela, kwa ntle ga tumelelo ya Tlhogo ya Lefapha go bona kgotsa go amogela mpho nngwe le nngwe ya mo sephiring, dikabelo kgotsa sengwe le sengwe se se nang le boleng jwa madi (seo se tlhalosiwang e le sa boleng le motswedi wa mpho e e fetang kgotsa e e lekanang le R350), go tswa mo mothong ofe kgotsa ofe ka nako ya fa a dira tiro ya gagwe, ka se se ka tsewa gore ke mpho ya letsogo le le kobong.
Fa motho a thapilwe e le modiredipuso, motho wa go nna jalo o rwele maemo a boleng jo bo kgethegileng. Se se tlhalosa gore motho wa go nna jalo o refosana boleng jwa tiro ya diatla tsa gagwe mo Pusong, mme o tla duelwa go tswa mo makgethong a a kokoantsweng go tswa mo setshabeng ka kakaretso mme ka jalo modiredi o tshwanetse go abela setšhaba ditirelo ka bokgoni jwa gagwe jotlhe le ka mokgwa wa seporofeshenale le boineelo.
Go tshwanetse go tlhaloganngwa ka botlalo ke modiredipuso le setšhaba ka bophara gore kwa ntle ga fa go tlhokega jalo mo dikwalong tsa semmuso, ga go tokololo epe ya setšhaba e e duelang selekano se se rileng sa madi go bona ditirelo, sekai; mo lebakeng la madi a a tshwanetseng go duelelwa go rebolelwa lekwalo la boitshupo, ga go madi ape a mangwe gape, e ka nna a khetshe kgotsa a mokgwa mongwe, a a tshwanetseng go duelwa. Maikaelelo a a tshwanetse go akarediwa mo melawaneng yotlhe ya Tirelopuso mme a supiwe mo dikagong tsotlhe tsa puso gore a tswele setšhaba mosola. Fa go tshwanetsweng go duelwa madi a tlaleletso go amogela ditirelo tse di rileng, se se tshwanetse go supiwa mo dikwalong (dikwalo tsa kopo) tse di tshwanetseng.
Ka mokgwa o o tshwanang, baabi ba ditirelo mo lekaleng la poraevete ba tshwanetse go lemosiwa ntlha ya gore Tirelopuso, fa e batla go bona ditirelo/thoto, e dira jalo go ya ka mabaka a Molaotheo o o laolang tsamaiso ya Tirelopuso jo bo tlhokang gore go tshegediwe mekgwa ya maemo a a kwa godimo a seporofeshenale.
Badiredi ga ba tshwanela go abelwa dimpho, ketleetso, dilwana tsa go bapatsa sengwe, ditaletso tsa go ya dijong, le tse dingwe, e bile ga di a tshwanela go nna karolo ya ditiro tsa bona tsa go tsholetsa Tirelopuso, ka se se ka tlhola maemo/dikakanyo tsa gore ba tlhotlheletsa tiro e e sa siamang mo bathating ba ba tsayang ditshweetso le gore go tlhoma maemo a a sa lolamang a kgaisano, ka baabi ba ditirelo ba bannye ba ka se kgone go emelela ditiro tsa mofuta o.
Ka ntlha e ka gale e le morero o o bosisi, mabaka a a latelang a ikaeletswe go thusa go gakolola mafapha ka ga dikgato tse a tshwanetseng go di tsaya mabapi le se. Ga go kgonege go baakanyetsa mafapha dikgakololo tse di tseneletseng ka botlalo mme mafapha a tshwanetse go ikgolaganya le Khomishene ya Tirelopuso go a gakolola fa a ka nna le dipelaelo tsa go rarabolola maemo a a ka tlhagelelang.
Dimpho kgotsa dilwana dingwe le dingwe tsa boleng jwa madi go tswa mo mothong ofe kgotsa ofe kgotsa setheo se se tlhokang go direlwa tiro ya semmuso, se go dirwang kgwebo le sona, kgotsa se tiro ya sona e laolwang ke mokgwa o modiredi a dirang tiro ya gagwe ka ona, di ka amogelwa fela ka tumelelo e e kwadilweng ya Tlhogo ya Lefapha.
Go botlhokwa go itse gore dimpho le mekgwa ya go tshwarwa ka makgethe motho a thenthiwa go tswa mo metsweding e mengwe kwa ntle ga ditokololo tsa ba lelapa di tshwanetse go begiwa. Dimpho le methentho e, e tshwanetse go nna tsa boleng jo bo fetang R350. Bathapiwa ba ka ikgolaganya le Khomishene ya Tirelopuso fa ba se na bonnete mabapi le go amogela dimpho.
Mothapiwa ga a dirise kgotsa a bega tshedimosetso epe ya semmuso mo mabakeng a gagwe ka sebele kgotsa a go tswela batho ba bangwe mosola.
Bathapiwa ba mo tirong ya bona ya semmuso ba bonang diphiri, sengwe sa khupamarama kgotsa tshedimosetso ya sephiri nako le nako, ga ba tshwanela go senola tshedimostse ya go nna jalo kwa ntle ga tumelelo e e kwadilweng gore ba dire jalo. Tshedimosetso ga ya tshwanela go abiwa kgotsa go dirisiwa go tswela motho ka sebele mosola kgotsa go tswela batho ba bangwe molemo kgotsa go dirisediwa go ipusulosetsa kgatlhanong le batho ba bangwe. Go botlhokwa gore bathapiwa ba sekaseke bomolemo jwa gore a go senola tshedimosetso go tla be go le mo dikgatlhegelong tsa Tirelopuso. Bathapiwa ba tshwanetse go tlhaloganya gore go direla dilo mo pepeneneng ga go tlhalose gore ba abe kgotsa ba senole tshedimosetso nngwe le nngwe fela. Ka go sa kgonege go gakolola badiredi ka botlalo gore ke tshedimosetso efe e e tshwanetseng go abelwa mang kgotsa mang, bathapiwa ba rotloediwa gore ka gale ba kope tumelelo fa ba se na bonnete ka ga morero o.
Sekai sa bo 1: Go senolwa ga mokgwa wa go tlhopha kgotsa dipotso tse di tla botsolotswang mo bakoping ba phatlhatiro ga se fela ka mokgwa o o sa siamang o o tla thusang bakopi ba bangwe, fela legale go tla nna le ditlamorago tse di sa siamang mo ditshwanelong tsa bakopi ba bangwe bao ba tshwanetseng go nna le maemo a a lekalekanang go gaisanela phatlhatiro eo.
Sekai sa bo 2: Fa mothapiwa, ka ntlha ya mofuta wa tiro ya gagwe, a na le kitso ka ga porojeke ya Mmuso o o tla tsholetsang boleng jwa kgaolo e e rileng, mothapiwa ga a tshwanela gore ka mokgwa ofe fela a dirise tshedimosetso ya go nna jalo go ikhumisa ka sebele kgotsa go humisa ba lesika kgotsa ditsala tsa gagwe.
Bathapiwa ba solofetswe go dira tiro ya bona ka matsetseleko, ba dirise nako le bokogoni jwa bona mo mabakeng a Tirelopuso e e leng mothapi, ka botlalo kwa ntle ga go kgorelediwa ke sepe fela. Mokgwa le ditlhokego tsa tiro ya Tirelopuso ke tsa mofuta o dikgatlhegelo tsa Tirelopuso le tsa setšhaba di ka lomeletsegang fa modiredipuso a dira tiro e e mo duelang kwa ntle ga tiro ya gagwe ya semmuso. Ka mabaka a, go a gapeletsega gore go bonwe pele tumelelo fa modiredi a dira tiro e e mo duelang kwa ntle ga tiro ya gagwe ya semmuso.
Sekai sa bo 1: Mothapiwa o nna seoposengwe mo kgwebong. Go dirilwe thulaganyo ya gore o tshwanetse go nna kwa kgwebong eo ka nako ya diura tsa morago ga tiro fela. Ka ntlha ya mabaka a tshoganyetso, maemo a tiro ya gagwe kwa setheong sa Tirelopuso a tlhoka gore a dire tiro ya gagwe mo diureng tsa morago ga tiro. Ditlamorago tsa se, e ka nna gore a nne le go thulana ga dikgatlhegelo tsa tiro, go ngamoga tlhogo le tlhaloganyo e e aroganeng ka bogare.
Sekai sa bo 2: Ngaka ya kalafi e e thapilweng ke Mmuso kwa bookelong, ga ya tshwanela, kwa ntle ga tumelelo ya tlhogo ya lefapha, go dira tiro ya nakwana eo e e duelelwang kwa kgwebong ya ngaka e e leng tsala ya yona, le/kgotsa go dirisa didirisiwa le/kgotsa melemo ya Mmuso mo lebakeng le.
Sekai sa bo 3: Mothapiwa o dira mo tirong e nngwe morago ga diura tsa tiro ya gagwe, se se tlhalosang gore o robala masigogare. Ditlamorago tsa se ke gore modiredi yo o tlhola a lapile motshegare mme ka jalo ga a kgone go dira tiro ka maemo kgotsa bokgoni jo a solofetsweng gore a e dire ka jona. Se ga se mo dikgatlhgelong tsa Tirelopuso mme se senyetsa setšhaba madi ka mokgwa mongwe.
A.1 Gore go kgonwe go diragadiwa mosola o o tletseng wa ditshiamelo tsa molaotheo tse di mabapi le Tirelopuso, bathapiwa botlhe ba solofetswe go tsamaelana le Molawana wa Maitsholo o o tlhalosiwang mo kgaolong e.
A.2 Molawana o tshwanetse go dirisiwa go gakolola bathapiwa gore go solofetswe eng mo go bona go tswa mo mekgweng ya maitsholo a go dira tiro, mo maitsholong a bona ka sebele le dikgolagano le batho ba bangwe. Go tsamaelana le Molawana go solofetswe go tsholetsa mokgwa wa seporofeshenale go thusa le go netefatsa boikanyego mo Tirelongpuso.
B.1 Go botlhokwa go supetsa bathapiwa tsela mabapi le dikgolagano tsa bona le kgotlatheomolao, bathati ba sepolotiki le bakhuduthamaga ba ba rweleng boikarabelo jwa diofisi, bathapiwa ba bangwe le setšhaba le go supa botho jo bathapiwa ba tshwanetseng go dira tiro ya bona ka jona, gore ba dire ka mokgwa mang go thibela gore ba se nne le thulano ya dikgatlhegelo le gore go solofetswe eng mo go bona mabapi le maitsholo a bona ka sebele mo botshelong jwa mo gare ga setšhaba kgotsa mo botshelong jwa bona ka nosi.
B.2 Le fa tota Molawana wa Maitsholo o rulagantswe ka botlalo ka fa go kgonegang ka teng, ga se melawana e e tsepameng ka botlalo le e e laolang maemo a boleng jwa maitsholo. Legale, ditlhogo tsa mafapha, go ya ka boikarabelo jwa bona go ya ka mabaka a Karolo ya bo 7 (b) ya Molao wa bokgoni le botsamaisi jwa mafapha a bona le go tshegetsa maitsholo a a siameng, mo gare ga tse dingwe, di gapeletsega gore di netefatse gore maitsholo a bathapiwa ba bona bo tsamaelana le boleng le moono o o laolang Tirelopuso le mekgwa le maemo a a laetsweng ke Molao. Ditlhogo tsa mafapha di tshwanetse gape tsa netefatsa gore badiredi ba bona ba itse melawana e, le gore ba a e amogela le go e obamela.
Maikaelelo a botlhokwa a Molawana o ke a a mosola tota, a go; rotloetsa maitsholo a go nna sekai mo setshabeng. Kwa ntle ga se, mothapiwa o tla latofalediwa maitsholo a a sa siamang e bile a ka otlhaiwa go ya ka tumallano e e kopanetsweng fa a tlola nngwe le nngwe ya ditshiamelo tsa Molawana wa Maitsholo kgotsa a palelwa ke go tsamaelana le ditshiamelo dingwe le dingwe tsa yona.
C.1.5 o dirisana mmogo le ditheo tsa semmuso tse di tlhomilweng go ya ka mabaka a kgotlatheomolao le Molaotheo ka go rotloetsa dikgatlhegelo tsa setšhaba.
C.2.9 o amogela le go itse ditshwanelo tsa setšhaba tsa go fitlhelela tshedimosetso, kwa ntle ga tshedimosetso e e sireleditsweng ka molao ka totobalo.
C.3.7 ga a ikamanye le ditiro tsa makoko a sepolotiki mo lefelong la gagwe la tiro.
C.4.12 o tlotla sephiri sa khupamarama sa merero, dikwalwa le ditherisano, tse di laetsweng kgotsa tse di kayang gore ke tsa sephiri sa khupamarama.
C.5.5 ga a, kwa ntle ga tetlelelo, dire tiro epe e e mo duelang e e kwa ntle ga tiro ya gagwe ya semmuso kgotsa go dirisa didirisiwa tsa ofisi mo tirong ya mofuta o.
<fn>tsn_Article_National Language Services_BUKANA YA LAESENSE YA GO ITHUTA GO KGWEETSA (2003).txt</fn>
Dikgogo go tswa mo Molaong wa Bosetšhaba wa Pharakano wa 1996 (Molao 93 wa 1996), gammogo le Melawana ya Bosetšhaba ya Pharakano ya 2000.
Bontsi jwa batlhankedi ba ba nang le seabe mo go reboleng le go ntsha dilaesense ba na le nnete.
Le gale batho bangwe ba ka naya batlhankedi tshelete, dimpho gongwe dithuso dingwe gore ba bone laesense.
Ka dinako dingwe go na le go diragale gore batlhankedi ba kope tšhelete, dimpho gongwe dithuso dingwe gore ba ntshe gongwe ba rebole go ntshiwa ga laesense ya go nna jalo.
Seno ga se ka fa molaong!!!!!
Dikgetse tsotlhe tsa maitsholo a bobodu di tla batlisisiwa mme go tla tsewa dikgato kgatlhanong le botlhe ba ba nang le seabe mo ditirong tsa go nna jalo.
Ditlhotlhwa tsotlhe ke tse di rebotsweng. O SEKE wa duela go feta gongwe wa ithaopa go duela go feta gore o bone laesense ya gago.
Ditiro tsotlhe tsa maitsholo a bobodu di tshwanetse go begiwa. Fa o itse mongwe yo o amogetseng gongwe yo o ka tlogang a amogela laesense ka go naya gongwe go tsibogela kopo ya pipamolomo, kgotsa fa o itse ditiro dingwe tsa bobodu tse di amang motlhankedi mongwe, o seke wa okaoka mme o ikgolaganye le Lefapha la Bosetšhaba la Dipalangwa kwa Pretoria kwa fekeseng ya 012 309 3812, kgotsa tikwatikwe ya tlhaeletsano ya selegae kwa dikantorong tsa Puso ya Porofense.
Bukana eno ya Baithuti ba go kgweetsa e tlhalosa melawana ya tsela, gammogo le dintlha tse di maleba, taolo ya dirori gammogo le matshwao a pharakano jaaka a fitlhelwa mo Molaong wa Bosetshaba wa Pharakano.
Go botlhokwa gore go nne le kitso e e feletseng ya diteng tsa buka, e seng fela go bona laesense ya o ithuta go kgweetsa, le go itse gore go dirwa jang leng le eng mo mabakeng mangwe a a riling.
Le fa dikarolo tsotlhe tsa matshwao a pharakano di akareditswe mo bukeng eno, ga go a akarediwa matshwao otlhe go tswa mo karolong nngwe le nngwe.
Go botlhokwa go lemoga gore bukana eno ga se lekwalo la molao. Diteng di ikaegile ka Molao le Melawana ya Bosetšhaba ya Pharakano mme e tlhalosiwa ka tsela e e bonolo.
Melao ya pharakano e fotga gantsi mme ka jalo buka eno e tla baakangwa gangwe le gape. Le gale go ka amogelwa ditshitsinyo tse di agang tebang le go tokafatsa gape boleng jwa kgatiso eno.
vii. bolwetse bongwe le bongwe kgotsa go sa itekanelang mo mmeleng go go ka mo dirang gore a retelelwe ke go kgweetsa le go laola ka tolamo serori se se amanang le laesense eo ntle le go tsenya tshireletsego ya baagi mo kotsing; Go ya le gore bosusu joo ka bo jona ga o tsewe e le go tlhoka go itekanela.
O ka dira kopo ya go tlhatlhobelwa laesense ya go ithuta go kgweetsa kwa tikwatikweng nngwe le nngwe e e kwadisitsweng ya tlhatlhobo ya dilaesense tsa go kgweetsa mo foromong e e maleba ya kopo (foromo LL1).
E tla re fa o newa tshupatefo, tikwatikwe e tla go rebolela letlha le nako e o tshwanetseng go tla go dirwa tlhatlhobo e e rebotsweng.
a melawana ya tsela gammogo le dintlha tse dingwe tsa molao, b matshwao a pharakano, matshwao le matshwao a tsela, le c didiriswa tsa taolo ya serori se se boima.
Fa tlhatlhobo e e rebotsweng ya laesense ya go ithuta go kgweetsa e falotswe, laesense ya gago ya go ithuta go kgweetsa e tla dira sebaka sa dikgwedi di le somerobedi go tloga ka letsatsi la tlhatlhobo.
O tla dirwa ditlhatlhobo tsa matlho kwa tikwatikweng mme o tla rebolelwa laesense ya go ithuta go kgweetsa fa pono ya gago e fitlhelela seemo se se beilweng, jaaka go rebotswe mo Molaong wa Bosetshaba wa Pharakano.
a Motho yo o tshotseng laesense ya go ithuta go kgweetsa ya Khoutu 2 o letleletswe go kgweetsa serori sengwe le sengwe gongwe mefuta e e e kopaneng ya dirori ntle le sethuthuthu, sethuthuthu sa maotwana a mararo gongwe sethuthuthu sa maotwana a mane, se boimanosi jwa sona gongwe boima jotlhe jwa serori gongwe boima jotlhe jo bo kopaneng jwa serori sa go nna jalo kgotsa dirori bo fetang dikilogerama di le 3500.
b Motho yo o tshotseng laesense ya go ithuta go kgweetsa ya Khoutu 2 o tla kgweetsa fela dirori tse a nang le tetla ya go di kgweetsa a tlhokometswe ka tlhamalalo ke motho yo o tshotseng laesense ya go kgweetsa ya mofuta o o wa serori.
c Go bona laesense ya go ithuta go kgweetsa ya khoutu 2 o tshwanetse wa bo o le bogolo jwa bonnye dingwaga di le 17.
d Laesense ya gago ya go ithuta go kgweetsa e tla dira sebaka sa dikgwedi di le somerobedi go tloga ka letlha le tlhatlhobo e e rebotsweng e falotsweng ka lona.
a ya magareng ga letsatsi le sena go phirima le ya pele ga letsatsi le tlhaba, le b nako nngwe le nngwe fa, ka ntlha ya lesedi le le sa lekanang gongwe ka ntlha ya maemo a a sa jeseng di welang a loapi, batho le dirori tse di mo tseleng ya botlhe ba sa bonaleng sentle mo sekgaleng sa dimitara di le 150.
a kwa thoko ga tsela ya botlhe, b mo lefelong la go phaka le le diretsweng molelwane ka letshwao le le maleba la pharakano, kgotsa c mo sekgaleng sa dimitara di le 12 go tswa mo leboneng le le tshubilweng la mmila le le bonesang lefelo le serori sa go nna jalo se phakileng mo go lona.
Lebone lengwe le lengwe le le tlhagisang marang a magolo (kgalalelo), le tshwanetse go rulaganngwa le go tlhokomelwa gore le kgone go bonesa ka tolamo lefelo le le kwa pele ga serori, go kgontsha mokgweetsi go bona motho mongwe le mongwe, serori gongwe selo sengwe se se golo mo sekgaleng sa bonnye dimitara di le 100.
Gopola go ngotla marang a magolo (kgalalelo) a serori sa gago fa go na le pharakano e e tlang kwa pele, gammogo le fa o setse serori se sengwe morago.
Lebone lengwe le lengwe le legolo le le ntshang marang a a ngotlilweng le tshwanetse go rulaganngwa le go tlhokomelwa gore le kgone go bonesa ka tekano mo lifelong le le fa pele ga serori, le kgontsha mokgweetsi go bona motho mongwe le mongwe, serori gongwe sengwe se segolo mo sekgaleng sa bonnye dimitara di le 45.
Ga go a tshwanela gore serori se kgweediwe mo tseleng ya botlhe se tshubile fela dipone tsa go phaka fa serori sa go nna jalo se tsamaya.
Ga o a tshwanela go kgweetsa serori se se botlhofo mo tseleng ya botlhe ntle le fa fela se tsentswe dipone tse di ntshang lesedi le lehibidu kwa morago.
Ga o a tshwanela go kgweetsa serori se se botlhofo mo tseleng ya botlhe ntle le fela fa se tsentswe dipone tsa go ema kwa morago. Fa di dirisiwa, di tshwanetse go ntsha lesedi le lehibidu le le tshwanetseng go nna bogale go gaisa le la lesedi le le ntshiwang ke dipone tsa kwa morago mme le tshwanetse go kgona go bonwa ke motho yo o nang le pono e e siameng le fa go na le marang a a tlwaelegileng a letsatsi mo sekgaleng sa dimitara di le 30.
Ga o a tshwanela go kgweetsa serori se se botlhofo mo tseleng ya botlhe ntle le fa fela se tsentswe bonnye, lebone le le lengwe la nomoro polata kwa morago, le bonesa nomoro polata. Tlhaka nngwe le nngwe gongwe palo nngwe le nngwe ya nomoro polata eo e tshwanetse go bonwa ke motho yo o nang le pono e e siameng go tswa mo sekgaleng sa dimitara di le 20.
semathana, mouwane, lerole, kgotsa mosi.
le ka tsenngwa mo seroring sa ngaka gongwe ngaka ya diphologolo, mme le dirisediwa ditiro tsa seporofesenale; kgotsa le ka tsenngwa mo seroring sa segogelathusong kgotsa serori se se dirisiwang mo mabakeng a thebolo ya motlakase gongwe ditirelo dingwe tsa botlhokwa tsa setshaba: Fa e le gore le dirisiwa fela kwa lifelong la kotsi gongwe kwa serori se robegetseng gona gongwe fa go tlhatlhobiwa megala ya difounu, thelekerafe gongwe megala ya motlakase.
Ga go a tshwanela gore go dirisiwe serori se se botlhofo mo tseleng ya botlhe ntle le fela fa dikarolo tsotlhe tsa seterebo di tlhokometswe gore di mo seemong se se letlang gore serori se laolege sentle ka pabalesego.
Ga go a tshwanela gore go dirisiwe serori se se boima mo tseleng ya botlhe fa e le gore tekanyo ya thetologo ya serori seo e feta dimitara di le 13,1.
Fa e le gore mariki a tshoganyetso le mariki a go phaka e ka nna mariki a le mangwe.
Ga o a tshwanela go dirisa serori se se botlhofo mo tseleng ya botlhe ntle le fela fa se na le sediriswa sa tsiboso (hutara), se se dirang sentle mme, fa se dirisiwa, se kgona go ntsha modumo o o utlwalang sentle ke motho yo o utlwang sentle go tswa mo sekgaleng sa dimitara di le 90.
Disaerini gongwe didiriswa tsa tsiboso tse di tshamekang molodi ga di a tshwanela go dirisiwa mo diroring tsa poraefete.
Ga go motho ope yo o tla dirisang hutara ya serori ntle le fa fela tiriso eo e tlhokega tebang le pabalesego.
Molao o o malebana le mabanta a pabalesego o matswakabele e le ruri. Ntle le gore o farologanya bana le bagolo, o akaretsa fela batho ba ba bogolo jwa dingwaga di le tharo le go feta.
ngwana o tlhalosiwa e le motho yo o bogolo jwa magareng ga dingwaga di le 3 le 14, ntle le fa motho wa go nna jalo a le boleele jwa go feta dimitara di le 1,5, moo a tsewang e le mogolo go sa kgathalelwe dingwaga tsa gagwe, mme mogolo o tlhalosiwa e le motho yo o bogolo jwa go feta dingwaga di le 14.
tla nnang setilo se se senang lebanta la pabalesego se le mo moleng wa ditilo, ntle le fa ditilo tse dingwe tse di mo moleng wa go nna jalo tse di nang le mabanta a pabalesego di setse di tshotswe.
o dirisa sengwe se se maleba sa go kganela ngwana fa se le gona; kgotsa fa go sena sepe se se kganelang ngwana, o ipofa ka lebanta la pabalesego fa le le gona.
Fa go sena setilo se se nang le lebanta la pabalesego, mokgweetsi o tla netefatsa gore ngwana o tla nna kwa setilong se se kwa morago fa serori sa go nna jalo se na le setilo sa kwa morago.
Ga go patelesege gore o ipofe ka lebanta fa o kgweetsa serori ka samorago gongwe o se tsenya gongwe go se ntsha mo lefelong la go phaka.
go kgontsha mokgweetsi go nna le pono e e lekaneng gore a kgweetse ka pabalesego, go nna sa galase e e babalesegileng, mme se kgone go tsenya lesedi la bonnye 70% ka sesiraphefo.
Serori se se botlhofo se se nang le sesiraphefo se tshwanetse go tsenngwa bonnye sephimodi sa sesiraphefo se le sengwe mme se tshwanetse gore fa se dirisiwa, se phimole lentle la sesiraphefo fa pele ga mokgweetsi, ntle le go ema, sentle le mo go lekaneng.
gore se seke sa ntsha gase ya sentshamosi gongwe mosi o o tswang mo enjeneng o le montsi mo e bileng o tenang, gongwe o sitisa pono ya badirisi ba bangwe ba tsela, kgotsa go nna mo seemong se e leng gore ole kgotsa diedi tse dingwe tsa dituki di kitla di rothela gongwe go wela mo go sona, go tlhokomela mo e leng gore gase ya sentshamosi gongwe mosi ga o fetele mo lephateng la mokgweetsi gongwe ka fa karolong ya bapalami ya serori.
fa tanka ya peterolo e sena sekhurumelo se se dirang ka tolamo; kgotsa ntle le fa mathale a motlakase le beteri di tsentswe sentle, di khurumeditswe le go tlhokomelwa mo eleng gore mathale ao le beteri ga di tsewe di ka baka kotsi.
Enjene ya serori se se botlhofo e tshwanetse go khurumediwa gore e seke ya baka kotsi.
Ga gona motho ope yo o tla dirisang serori mo tseleng ya botlhe ka mokgwa o o tla bakang modumo o o tseneletseng.
Serori se se botlhofo se se diretsweng gongwe se na le bokgoni jwa go fitlhelela lebelo la dikilometara di le 60 ka ura gongwe go feta, se tshwanetse go nna le sesupalebelo se se dirang ka tolamo.
Go na le lebelo la kakaretso le le lekanyeditsweng mo ditseleng tsotlhe mme ga le a tshwanela gore ka gale le bontshiwe ka letshwao la pharakano.
dikilometara di le 100 ka ura le tla dira malebana le tsela nngwe le nngwe ya botlhe ntle le tselafefo, e e fitlhelwang kwa ntle ga motsesetoropo; le dikilometara di le 120 ka ura le tla dira mo tselafefong nngwe le nngwe.
bese, le thekisi e e dirisediwang go rora batho ba ba duelang.
Molao o tlamela ka tekanyetso ya boleele jwa mefuta e e rileng ya dirori.
kolotsana (e seng seka-kolotsana) e boima jotlhe jwa yona bo leng kwa tlase ga dikilogerama di le 12 000 - ga e kitla e feta dimetara di le 8.
fa di pegilwe mo godimo ga sona, mme serori sa go nna jalo e le motorokara, mme bogodimo jwa dithoto tseo fa bolekanyediwa go tloga kwa legodimong la motorokara go fitlha mo lefatsheng: Fa fela e le gore ditlamelo tsa tema eno ga di kitla di dira malebana le diterapasaekele tse di rorwang di pegilwe mo godimo ga serori.
a bonnye dimilemetara di le 350 fa godimo ga bogodimo jo batho bao ba dutseng mo go bona; kgotsa b bonnye dimilemetara di le 900 fa godimo ga bogodimo jo batho bao ba emeng mo go bona.
Fa o kgweetsa serori se se botlhofo, ga go a tshwanela go nna le dithoto tse di betologang go feta dimilemetara di le 300 go feta ntlha e e kwa pele ya serori, ga go a tshwanela go nna le dithoto tse di betologang go feta dimetara di le 1,8 go feta ntlha e e kwa morago ya serori, mme ga go a tshwanela go nna le diborakete (go sa akarediwe tsa diipone tse di mo matlhakoreng tse di bontshang kwa morago) tse di tsentsweng mme di betologa go feta dimilemetara di le 150 mo letlhakoreng.
folaga gongwe difolaga tse di khibidu mo motshegareng, le ditsabakedi mo bosigong, gongwe ka nako nngwe le nngwe e batho le dirori di sa kgoneng go bonala sentle ka ntlha ya maemo a a seng monate. Ditsabakedi tse ditshweu kwa pele mme tse dikhibidu kwa morago.
Lebelela setshwantsho mo tsebe...
Nako nngwe le nngwe fa tsela ya botlhe e arogantswe ka ditsela di le pedi gongwe go feta, ga go motho ope yo o tla kgweetsang serori mo tseleng eo ya botlhe ntle le fela ka fa tseleng e e ka fa letsogong la molema, ntle le fa a kaelwa gongwe a letlwa ke letshwao le le maleba la pharakano gongwe motlhankedi wa pharakano go dirisa tsela e nngwe.
moo go ka diriwang ntle le go kgoreletsa gongwe go tsenya pharakano e nngwe mo kotsing, kgotsa go latela taelo ya motlhankedi wa pharakano gongwe letshwao la pharakano.
fa batho le dirori tse di mo tseleng ya go nna jalo di bonala sentle mo sekgaleng sa bonnye dimetara di le 150.
Fa o kgweetsa serori se se botlhofo mo tseleng ya botlhe e e arogantsweng ka mela ya pharakano ka tiriso ya matshwao a tsela, mokgweetsi ga a kitla a tswa mo moleng o mongwe go ya go o mongwe ntle le fa fela a ka dira jalo kwa ntle ga go kgoreletsa gongwe go tsenya pharakano e nngwe mo kotsing.
fa le dirisiwa, lebone le tshwanetse go bontsha lesedi le le benyabenyang le le bogale jo bo dirang gore le kgone go bonwa ke motho yo o bonang sentle mo leseding le le tlwaelegileng mo sekgaleng sa dimitara di le 30.
Fa dipone tsa tshupantlha di le mo tirisong, di tshwanetse go ntsha lesedi le le sweu, lesetlha gongwe la mmala wa namune kwa pele, mme le le lesetlha, mmala wa namune kgotsa le lehibidu kwa morago.
Mokgweetsi wa serori yo o ikaelelang go ema, kgotsa go faposa serori sa go nna jalo go ya kwa molemeng gongwe kwa mojeng, o tla bontsha maikaelelo a gagwe ka letshwao le le bonalang, le le ka bonwang ke motho mongwe le mongwe yo o tlhagang kwa pele gongwe kwa morago le fa e le kwa letlhakoreng, mme o tla dira jalo sebaka se se lekaneng go tsibosa motho mongwe le mongwe wa go nna jalo ka maikaelelo a gagwe.
Serori se se botlhofo se tshwanetse go tsenngwa ditsabakedi di le pedi kwa morago, se le sengwe ka fa letlhakoreng lengwe le lengwe.
Mokgweetsi wa serori yo o ikaelelang go feta serori sengwe le sengwe se se lebileng kwa ntlheng e le nngwe le ena mo tseleng ya botlhe o tla feta kwa mojeng wa sona mo sekgaleng se se babalesegileng mme ga a kitla a boela gape ka fa letlhakoreng la molema la tsela go fitlhelela a fetile serori seo ka pabalesego.
tsela eo e dirisiwa fela ke dirori tse di yang kwa ntlheng e le nngwe mme e arogantswe ka mela ya pharakano ka matshwao a a maleba a pharakano; kgotsa a kgweetsa go latela taelo ya motlhankedi wa pharakano.
Fa fela e le gore go feta moo ga go kitla go nna le moo go tla nnang le go feta ka go kgweetsa mo thoko ga tsela gongwe mo mokwatleng wa tsela ya botlhe.
a ka kgona o dira jalo ntle le go kgoreletsa letlhakore la moja la tsela; gongwe tsela eo e dirisiwa fela ke dirori tse di yang kwa ntlheng e le nngwe.
kgweeletsa gaufi le mokwatla wa ka fa molemeng wa tsela ka moo o ka kgonang ka teng, ntle le go itsenya mo kotsing, go tsenya mo kotsing pharakano e nngwe gongwe dithoto, mme o seke wa oketsa lebelo la serori sa gago go fitlhelela serori se sengwe se feta.
Fa mokgweetsi a le gaufi le go fapaana le pharakano e e tswang kwa pele, o tshwanetse go netefatsa gore serori sa gagwe ga se kgoreletse tsela e e ka fa mojeng wa gagwe ka mokgwa o o tla kgoreletsang gongwe o tsenya pharakano e e tswang kwa pele mo kotsing.
Mokgweetsi wa serori yo o ikaelelang go feta bese e e emisitseng o tshwanetse go dira jalo ka kelotlhoko a lebeletse pabalesego ya batho ba ba yang gongwe ba tswa, kgotsa ba ba ka yang gongwe ba ka tswang mo beseng ya go nna jalo.
Kgotsa mo karolong nngwe ya tsela (go sa akarediwa kwa thoko ga tsela) ya botlhe kwa ntle ga motsesetoropo kgotsa karolo nngwe ya serori sa go nna jalo e le sekgala sa metara gaufi le mokwatla wa tsela ya go nna jalo.
Mo sekgaleng sa dimetara di le 9 go tswa kwa letlhakoreng le a leng mo go lona go latela makgabaganyo a batsamayakadinao.
Mo sekgaleng sa dimetara di le 5 gaufi le makgabaganyo.
Ga go motho ope yo o tla phakang serori mo setlhakatlhakeng sa pharakano gongwe mo lefelong la batsamayakadinao gongwe mo moleng wa batsamayakadinao.
mo makgabaganyong a seporo mo sekgaleng sa dimetara di le robongwe ka fa letlhakoreng le a tlhagang ka fa go lona gaufi le makgabaganyo a a tshwailweng a batsamayakadinao; kgotsa mo lefelong lengwe le lengwe leo go emisa serori mo go lona go ka bakang kotsi kgotsa go kgoreletsa pharakano e nngwe.
reng fa serori sa go nna jalo se phakilwe gongwe se eme fa thoko ga tsela ya go nna jalo, a se kgweetse go tswa mo seemong seo ntle le fa a ka kgona go dira jalo ntle le go kgoreletsana le pharakano e e tsamayang go tswa kwa ntlheng nngwe le nngwe mme e le ka pabalesego go ena le ba bangwe.
Ga gona motho ope yo o ka kgweetsang, gogang ongwe go kgorometsa serori mo tselanathokong ya dinao.
Mokgweetsi wa serori o tshwanetse go emisa go se nene go naya tsela, go iketla gongwe go emisa, fa go tlhokega go naya sebaka motsamayakadinao yo o kgabaganyang tsela fa makgabaganyong a batsamayakadinao.
Nako le nako fa serori se eme fa makgabaganyong a batsamayakadinao, mokgweetsi wa serori se sengwe a seke a feta serori se se emisitseng.
se tla tsewa se phuagantswe ke mong wa sona.
go dirisa ditšhoko gongwe dikhurumelo mo gare ga leotwana lengwe le lengwe la serori se se tsamayang mo tsleng le mo bogodimong jwa tsela eo; kgotsa go dirisa serori sengwe le sengwe kgotsa selo kgotsa go tsamaisa serori kgotsa sengwe mo tseleng ka mokgwa o o ka bakang tshenyo moo.
serori sa boima jo bo sa feteng dikilogerama di le 230 mme se diretswe, agetswe gongwe se siamiseditswe go dirisiwa ke motho yo o sa itekanelang mo mmeleng; kgotsa terekere, ntle le fa terekere ya go nna jalo e dirisiwa malebana le kago gongwe tlhokomelo ya tselafefo.
mo lefelong le le beetsweng thoko go emisa gongwe go phaka dirori ka letshwao le le maleba la pharakano; kgotsa ka mabaka mangwe a a seng mo taolong ya gagwe.
dirang letshwao la letshogo a kgweetsa serori mo tselafefong ntle le fa e le mo mabakeng a a seng mo taolong ya gagwe.
tsamayang ka maoto mo tselafefong tlogelang gongwe go letla diphologolo mo tselafefong gongwe go tlogela phologolo mo lefelong le go tswa mo go lona e ka elang kwa tselafefong.
fa serori se se gogiwang se rora batho ka lebelo le le fetang dikilometara di le 30 ka ura, ntle le fa serori se se gogiwang e le sekakolotsana.
Mo mabakeng a tshoganyetso, go letleletswe gore go ka gogiwa serori se sengwe se e seng kolotsana gammogo le kolotsana.
Mokgweetsi wa serori ga a kitla a kgabaganya tsela ya botlhe ntle le fa tsela e sena pharakano mo sekgaleng se se lekaneng go mo letla go kgabaganya tsela ntle le go kgoreletsa gongwe go tsenya pharakano mo kotsing.
Mokgweetsi wa serori ga a kitla a tsena mo tseleng ya botlhe ntle le fa a ka dira jalo ka pabalesego go lebilwe ena le pharakano e nngwe.
go obamela taelo ya letshwao la tsela gongwe e e ntshiwang ke motlhankedi wa pharakano yo o apereng junifomo; kgotsa ka kopo gongwe taelo ya letshwao la motho yo o eteletseng pele gongwe a palame phologolo ya ditlhakwana le dinaka, pitsi, tonki, mmoulo, nku, podi, kolobe kgotsa ntšhwe mo tseleng.
Serori se se boima se tshwanetse go tsenngwa dithaere tsa mofuta wa nyumatiki tse di bontshang go thadisiwa go go bonalang sentle go ralala bophara le bogolo jotlhe jwa tsona mme e na le sola e e boteng jwa bonnye milimetara o le mongwe.
fa a sa tlhagisa leina le aterese ya gagwe gongwe ya mong wa serori, le nomorokwadiso go motlhankedi wa pharakano kwa lefelong la kotsi, a di bege mo sebakeng sa diura di le 24 kwa seteiseneng sa mapodisi mme a tlamele gape ka tshedimosetso nngwe le nngwe ya tlaleletso e e ka tlhokegang go tswa mo go ena.
a seke, ntle le fa a laelwa ke ngaka, a tsaya nnotagi gongwe diritibatsi pele ga a ka bega kotsi.
Fa go na le motho yo o tlhokafetseng gongwe yo o gobetseng mo kotsing, mme kotsi ya go nna jalo e le sekgoreletsi mo tseleng, ga gona serori sepe se se tshwanetseng go tlosiwa mo seemong se se emeng ka sona, ntle le fela fa seemo seo se tshwailwe sentle mo godimo ga tsela ke motho yo o sutisang serori, gongwe go sutisiwa goo go rebotswe ke motlhankedi wa pharakano.
Ga gona motho ope yo o tla kgweetsang serori mo tseleng ya botlhe ntle le go kgathalela motho mongwe le mongwe yo o dirisang tsela.
ka botlhaswa; le ka tsela e e nyatsang ka bomo pabalesego ya batho le dithoto.
kgweetsang serori mo tseleng ya botlhe; kgotsa a tla nnang mo setilong sa mokgweetsi sa serori se enjene ya sona e dumang, a le mo taolong ya nnotagi gongwe seritibatsi se se bolayang bogatsu.
Setshwantsho sa serori ka fa gare gammogo le didiriswa tsa taolo di tshwailwe ka dinomoro.
Moithuti wa go kgweetsa ga a tshwanela go leka go kgweetsa serori sepe pele ga a ka tlhaloganya ka botlalo didiriswa tsa taolo ya serori.
Go tsibosa badirisi ba bangwe ba tsela ka maikaelelo a mokgweetsi.
Go lemosa batsamayakadinao gore serori se teng.
Go netefatsa gore serori se se phakilweng ga se sute.
Di kgontsha mokgweetsi go ela tlhoko maemo a pharakano kwa morago.
A dirisediwa go laola lebelo la serori kgotsa go se semisa tsi!
Matshwao a taolo a dirisediwa go laola le go lekanyetsa se se dirwang ke badirisi ba tsela ka gore ba tla dira gongwe ba seke ba dire sengwe se se riling jaaka go laelwa ke matshwao a go nna jalo.
Emisa serori sa gago gore ntlha e e kwa pele ya sona e lebagane le letshwao, kgotsa fa go dirisiwa mola wa kemiso gammogo le letshwao, o emise fela fa morago ga mola wa kemiso, mme o seke wa tswelela pele go fitlhelela go babalesegile go ka dira jalo.
Le go kaela gore o emise serori gotlhelele, kgotsa gore o tswelele pele fa go babalesegile go ka dira jalo, fa o batla go fapogela wka molemeng.
Fa o tla o labile letshwao leno, o tshwanetse go dira jaaka o dira fa letshwaong la kemiso, mme o seke wa tswelela pele go kgabaganya makopanelo go fitlhelela dirori tsotlhe tse di emeng pele ga gago kwa moleng o mongwe wa kemiso fa makopanelong, le tse di tla kgabaganyang mo tseleng ya gago di sena go feta mo makopanelong.
Fa o tla o lebile letshwao leno, o tshwanetse go dira jaaka o dira fa letshwaong la kemiso, mme o seke wa tswelela pele go kgabaganya makopanelo go fitlhelela dirori tsotlhe tse di emeng pele ga gago kwa moleng o mongwe wa kemiso fa makopanelong, le tse di tla kgabaganyang mo tseleng ya gago di sena go feta mo makopanelong.
Fa o tla o lebagane le letshwao leno, o tshwanetse go naya pharakano yotlhe e e mo tseleng e e kopanang le e o leng mo go yona, tshwanelo ya go feta fa ele gore pharakano eo e gaufi mo e ka tlhagisang kotsi kgotsa matshosetsi a kotsi.
Kwa matsenong a tsela.
Ga o a tshwanela go tsena mo tseleng gongwe lefelong leno.
Fa o tla o labile sedikwana, o tshwanetse go naya tshwanelo ya o feta go pharakano nngwe le nngwe e e tla kgabaganyang fa moleng wa boineelo pele ga gago le e e tla kgabaganyang tsela ya serori sa gago.
Fa go kopanang mebila e le mebedi gongwe go feta mme go nna le setlhaketlhake sa pharakano.
Ka gale tsamaela ka fa ntlheng ya molema ka fa gare ga sediko mme o neye tshwanelo ya go feta go pharakano e e tlhagang ka fa mojeng mo teng ga sediko.
Go tla letlwa fela batsamayakadinao mo lefelong leno.
Go tla letlwa dirori tse di latelang fela mo lefelong leno.
Fa o tla o labile letshwao leno, lebelela gore a go na le batsamayakadinao mme fa go tlhokega, o neye batsamayakadinao botlhe tshwanelo ya go feta.
Le supa gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e beetswe thoko go dirisiwa ke batsamayakadinao fela.
Tsela nngwe le nngwe ya botlhe gongwe karolo ya yona.
O seke wa fetela gongwe go kgoreletsa mo karolong nngwe fela ya tsela ya botlhe e e beetsweng thoko go dirisiwa ke batsamayakadinao fela.
Batsamayakadinao ga ba a tshwanela go tsamaya go feta letshwao la go nna jalo.
Tsela nngwe le nngwe ya botlhe gongwe karolo ya yona.
Batsamayakadinao ga ba a tshwanela go tswelela go feta letshwao leno.
Go supetsa modirisi wa tsela go tswelela go ya kwa ntlheng e le nngwe fela, jaaka go supilwe mo letshwaong la tsela.
Le kaela modirisi wa tsela go ineela go naya pharakano e e tlhagang kwa pele tshwanelo ya go feta mme a tswelele pele fa fela go babalesegile go ka dira jalo.
Mo bophara jwa tsela bo lekanyeditsweng.
Fokotsa lebelo kgotsa o emise fa go tlhokega, go naya pharakano e e tlhagang kwa pele tshwanelo ya go feta mme o tswelele pele fa fela go babalesegile go ka dira jalo.
Le kaela modirisi wa tsela go fetela kwa fa ntlheng ya molema fela, jaaka go motsu o kaela, wa sekgoreletsi se se mo tseleng se letshwao leno le beilweng mo go sona.
Ka gale feta ka fa ntlheng ya molema ya sekgoreletsi se se mo tseleng se letshwao leno le beilweng mo go sona.
Tswelela fela mo ntlheng e e kaelwang ke motsu o o mo letshwaong leno.
Tswelela fela mo ntlheng e e kaelwang ke motsu o o mo letshwaong leno.
Le kaela modirisi wa tsela go tswelela fela mo ntlheng e e supiwang ke motsu o o mo letshwaong kwa marakanelong a a kwa pele.
Tswelela fela mo ntlheng e e kaelwang ke motsu o o mo letshwaong leno, lwa marakanelong a a kwa pele.
Le kaela modirisi wa tsela go tswelela fela mo ntlheng e e supiwang ke motsu o o mo letshwaong kwa marakanelong a a kwa pele.
Tswelela fela mo ntlheng e e kaelwang ke motsu o o mo letshwaong leno, lwa marakanelong a a kwa pele.
O seke wa fapogela kwa molemeng kwa marakanelong a ditsela kgotsa kwa matsenong a a kwa pele.
O seke wa fapogela kwa mojeng kwa marakanelong a ditsela kgotsa kwa matsenong a a kwa pele.
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke a fapogelwa ka fa molemeng.
O seke wa fapogela kwa molemeng fa o bonang letshwao leno gona.
Le kaela modirisi wa tsela gore tekanyetso ya lebelo e e mo letshwaong leno ke lebelo le le kailweng e le dikilometara ka ura.
Mo tseleng ya botlhe e mo go yona tekanyetso ya lebelo e leng dikilometara di le 100 ka ura.
O seke wa feta lebelo la go nna jalo ka go kgweetsa ka bonako go gaisa lebelo le le kailweng mo letshwaong leno.
Le kaela modirisi wa tsela lebelo la minimamo le le letleletsweng mo tseleng eno kgotsa mo karolong ya tsela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe gongwe mo karolong ya tsela ya botlhe mo e leng gore serori ga se a tshwanela go kgweediwa ka lebelo le le kwa tlase ga dikilometara di le 50 ka ura.
O seke wa kgweetsa ka lebelo le le kwa tlase ga lebelo le le kailweng mo letshwaong leno.
Le kaya gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e dirisiwa fela ke dirori tsa dithoto tse di nang le boima jwa serori gongwe boma jo bo tlhakaneng jo bo fetang boima jo bo kailweng mo letshwaong.
Mo tseleng nngwe ya botlhe gongwe mo karolong ya teng.
Ga go serori sepe ntle le se se kailweng mo letshwaong se se tshwanetseng go kgweediwa mo tseleng eno.
Le kaya gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e beetswe thoko go dirisiwa ke mebotorokara fela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe gongwe mo karolong ya yona.
Ga go serori sepe ntle le se se kailweng mo letshwaong se se tshwanetseng go kgweediwa mo tseleng eno.
Le kaya gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e beetswe thoko go dirisiwa ke bapalami ba dibaesekele fela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe gongwe mo karolong ya yona.
Ga go serori sepe ntle le se se kailweng mo letshwaong se se tshwanetseng go kgweediwa mo tseleng eno.
Le kaya gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e beetswe thoko go dirisiwa ke dibese fela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe gongwe mo karolong ya yona.
Ga go serori sepe ntle le se se kailweng mo letshwaong se se tshwanetseng go kgweediwa mo tseleng eno.
Le kaya gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e beetswe thoko go dirisiwa ke dirori tse di rorang dithoto fela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe gongwe mo karolong ya yona.
Ga go serori sepe ntle le se se kailweng mo letshwaong se se tshwanetseng go kgweediwa mo tseleng eno.
Le kaya gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e beetswe thoko go dirisiwa ke dirori tsa dithoto fela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe gongwe mo karolong ya yona.
Ga go serori sepe ntle le se se kailweng mo letshwaong se se tshwanetseng go kgweediwa mo tseleng eno.
Le supa tsela e e duelelwang.
Fa tsela e e duelelwang e simololang gona.
Fa o ka tswelela mo tseleng eno o tla tshwanela go duela. Fa o sa batle go duela o tla tshwanela go dirisa tsela e nngwe e e kailweng.
Le kaela modirisi wa tsela gore a tshube dipone tse dikgolo tsa serori gore di tlhagise marang a a fokoditsweng.
Mo tseleng ya botlhe fa pono e sa tlhapa.
Netefatsa gore dipone tsa serori tsa gago di tshubilwe.
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke a letsa sediriswa sa tsiboso hutara sa serori sebaka sa dimetara di le 100 morago ga go feta letshwao leno.
Mo tseleng epe ya botlhe moo go kopiwang tidimalo gona.
O seke wa dirisa hutara ya serori sa gago (sediriswa sa tsiboso), ntle le fa go sena gore o ka tila seo, sebaka sa sekgala sa bonnye dimetara di le 100 go feta letshwao leno.
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke a tswelela go feta letshwao leno ntle le fa a letleletswe go dira jalo.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
O seke wa dirisa tsela gongwe karolo ya yona fa o fitlhelang letshwao leno le beilwe gona ntle le fa o neilwe tetla.
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke a sega tsebe serori se sengwe se se yang kwa ntlheng e le nngwe le ena mo sekgaleng sa dimetara di le 500 morago ga go feta letshwao leno.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe e mo go yona go leng kotsi go sega tsebe gongwe go feta serori se sengwe gore go ka letlelelwa.
Fokotsa lebelo mme o iketle fa morago ga pharakano e e iketlileng sebaka sa bonnye dimetara di le 500 morago ga go feta letshwao leno.
Mo tseleng nngwe le nngwe e mo go yona go dira thetologo ya U go ka tlhagisetsang wena gongwe badirisi ba bangwe ba tsela kotsi.
Tswelela ka tlhamalalo go fitlha go babalesegile go ka dira thetologo ya U.
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke a phaka serori mo karolong nngwe fela ya tsela ya botlhe foo letshwao leno le beilweng gona.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe foo go phaka serori go ka bakang kotsi go wena gongwe modirisi yo mongwe wa tsela.
Tswelela ka tlhamalalo go fitlha go babalesegile gongwe go phaka go letlelesegile.
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke a emisa serori mo tseleng gongwe go bapa le tsela ya botlhe foo letshwao leno le beilweng gona.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe foo go emisa serori go ka bakang kotsi go wena gongwe modirisi yo mongwe wa tsela.
Tswelela ka tlhamalalo go fitlha go babalesegile gongwe go emisa go letlelesegile.
O seke wa tswelela go feta letshwao leno, fa o kgweetsa serori se se tshwanang le se se kailweng mo letshwaong.
Le kaela mokgweetsi wa serori gore a seke a feta letshwao leo ntle le fa bophara jwa serori sa gagwe ka kakaretso bo le kwa tlase ga bophara jo bo kailweng mo letshwaong.
Le kaela mokgweetsi wa serori se se nang le mmese wa morwalo wa ase o o fetang morwalo wa ase o o kailweng mo letshwaong, gore a seke a tswelela go feta letshwao leno.
Fa mmese wa morwalo wa ase wa serori sa gago o feta tekanyetso ya mmese wa morwalo o o kailweng mo letshwaong, o seke wa tswelela go feta letshwao leno.
Le kaela mokgweetsi wa serori gore a seke a tswelela go feta letshwao leno ntle le fa e le gore bogodimo jwa serori sa gagwe ka kakaretso bo kwa tlase ga bogodimo jo bo kailweng mo letshwaong.
Fa bogodimo jwa serori sa gago bo feta tekanyetso ya bogodimo e e kailweng mo letshwaong, o seke wa tswelela go feta letshwao leno.
Le kaela mokgweetsi wa serori se boleele jwa sona bo fetang boleele jo bo kailweng gore a seke a tswelela go feta letshwao.
Fa boleele jwa serori sa gago bo feta tekanyetso ya boleele e e kailweng mo letshwaong, o seke wa tswelela go feta letshwao leno.
Mo tseleng ya botlhe gongwe mo karolong ya yona, mo e leng gore tiriso ya tsela ya go nna jalo gongwe karolo ya yona, e letleletswe go dirori tse di kailweng mo letshwaong fela.
Fa o le mokgweetsi wa serori sengwe fela ntle le se se kailweng mo letshwaong o seke wa tswelela go feta letshwao.
Mo tseleng ya botlhe gongwe mo karolong ya yona, mo e leng gore tiriso ya tsela ya go nna jalo gongwe karolo ya yona, e letleletswe go dirori tse di kailweng mo letshwaong fela.
Fa o le mokgweetsi wa serori sengwe fela ntle le se se kailweng mo letshwaong o seke wa tswelela go feta letshwao.
Mo tseleng ya botlhe gongwe mo karolong ya yona, mo e leng gore tiriso ya tsela ya go nna jalo gongwe karolo ya yona, e letleletswe go dirori tse di kailweng mo letshwaong fela.
Fa o le mokgweetsi wa serori sengwe fela ntle le se se kailweng mo letshwaong o seke wa tswelela go feta letshwao.
Le kaya gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e beetswe go dirisiwa ke dirori tse di rorang dithoto tse dikotsi fela.
Mo tseleng ya botlhe gongwe mo karolong ya yona, mo e leng gore tiriso ya tsela ya go nna jalo gongwe karolo ya yona, e letleletswe go dirori tse di kailweng mo letshwaong fela.
Fa o le mokgweetsi wa serori sengwe fela ntle le se se kailweng mo letshwaong o seke wa tswelela go feta letshwao.
Le kaya gore tsela ya botlhe gongwe karolo ya tsela ya botlhe e beetswe thoko jaaka bopalamelo jwa bese jwa dibese tse sekano gongwe matshwao kgotsa sengwe fela sa tsona se fitlhelwang mo letshwaong.
Mo tseleng ya botlhe gongwe mo karolong ya yona, mo e leng gore tiriso ya tsela ya go nna jalo gongwe karolo ya yona, e letleletswe go dirori tse di kailweng mo letshwaong fela.
Fa o le mokgweetsi wa serori sengwe fela ntle le se se kailweng mo letshwaong o seke wa tswelela go feta letshwao.
Le kaya gore karolo ya tsela ya botlhe ke mola wa bese mme o beetswe thoko go dirisiwa ke dibese fela.
Mo tseleng ya botlhe gongwe mo karolong ya yona, mo e leng gore tiriso ya tsela ya go nna jalo gongwe karolo ya yona, e letleletswe go dirori tse di kailweng mo letshwaong fela.
Fa o le mokgweetsi wa serori sengwe fela ntle le se se kailweng mo letshwaong o seke wa tswelela go feta letshwao.
Le kaela badirisi ba tsela gore go simologa tselafefo ya tselanngwe.
Nna o butse matlho go bona pharakano e nngwe e e tlhagelelang mo matsenong.
Le kaela badirisi ba tsela gore go simologa tselafefo ya tselapedi.
Nna o butse matlho go bona pharakano e nngwe e e tlhagelelang mo matsenong.
Letshwao leno le kaela batsamayakadinao gore ba seke ba tswelele go feta letshwao leno mo nakong e e kailweng mo letshwaong.
Batsamayakadinao ga ba a letlelelwa go tswelela go feta letshwao leno mo nakong e e kailweng mo letshwaong.
Letshwao leno le kaela badirisi ba tsela gore ga go a letlelelwa go emisa mo dinakong tse di kailweng mo letshwaong.
Bakgweetsi ba dirori ga ba a letlelelwa go emisa mo letshwao le beilweng gona ka dinako tse di kailweng mo letshwaong.
Letshwao leno le kaela badirisi ba tsela gore go phaka go letleletswe mo pakeng e e lekanyeditsweng mo nakong e e kailweng mo letshwaong.
Go phaka go letleletswe, fela ga go a tshwanela go feta nako e e lekanyeditsweng mo nakong e e kailweng mo letshwaong.
Fa go lebilwe makopanelo ditsela tse dikgolo di le pedi di kgabaganyang mo go ona.
Fokotsa lebelo mme o nne o butse matlho go bona pharakano e e tlhagang kwa molemeng le kwa mojeng.
Fa o tla o labile marakanelo a T moo ditsela di le pedi di kopanang gona.
Fokotsa lebelo mme o eme fa go tlhokega. Tswelela pele fa fela go babalesegile.
Fa o tla o lebile marakanelo a T moo ditsela di le pedi di kopanang gona.
Fokotsa lebelo mme o eme fa go tlhokega. Tswelela pele fa fela go babalesegile.
Fa o lebile marakanelo moo tsela e nngwe e kopanang le e nngwe go tswa ka fa molemeng.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse pharakano e e tlhagang go tswa kwa molemeng.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore tsela e e nang le pharakano e e yang kwa dintlheng tsotlhe e a khutla mme o tloga a tsena mo tseleng ya ntlhanngwe.
Fa o lebile tselapedi e mo go yona pharakano e yang kwa ntlheng e le nngwe fela.
Ganelela ka fa molemeng ka moo go babalesegileng ka teng.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore tselanngwe e a khutla mme o tloga a tsena mo tseleng e e nang le pharakano e e yang kwa dintlheng tsotlhe.
Fa o lebile tsela e mo go yona pharakano e yang kwa dintlheng tsotlhe.
Ganelela ka fa molemeng ka moo go babalesegileng ka teng.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore go na le sedikwana gongwe sediko kwa pele.
Mo tseleng ya botlhe fa o lebile sedikwana gongwe sediko.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega, go naya pharakano e nngwe tshwanelo ya go feta.
Fa o lebile segoro mo tseleng.
Fokotsa lebelo go ya go le le tshwanetseng seemo.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka segoro se se bogale se se kwa pele ka fa molemeng.
Fa o lebile segoro mo tseleng.
Fokotsa lebelo go ya go le le tshwanetseng seemo.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka kobego e e bogale ya popego ya U kwa pele ka fa molemeng.
Fa o lebile kobego ya sepelete sa moriri mo tseleng.
Fokotsa lebelo go ya go le le tshwanetseng seemo.
Le lemosa modirisi wa tsela ka motseletsele wa digoro mo tseleng e e kwa pele o simolola ka segoro se se yang kwa molemeng.
Fa o lebile motseletsele wa digoro mo tseleng.
Fokotsa lebelo go ya go le le tshwanetseng seemo.
Le tsibosa modirisi wa tsela yo o mo tseleng ya ntlhanngwe gore tsela e e kwa pele e na le pharakano e e yang kwa dintlheng tsotlhe.
Fa o lebile tsela e e nang le pharakano e e yang kwa dintlheng tsotlhe.
Ganelela kwa molemeng ka moo go babalesegileng ka teng.
Le tsibosa modirisi wa tsela yo o mo tseleng ya ntlha-nngwe gore makgabaganyo a a latelang a na le pharakano ya ntlha-pedi.
Fa o lebile makopanelo a mo go ona makgabaganyo a nang le pharakano e e yang kwa dintlheng tsotlhe.
Ganelela kwa molemeng mme o nne o lebeletse pharakano go tswa kwa dintlheng tsotlhe.
Le tsibosa modirisiw a tsela gore karolo ya tsela e fokotsega ka bophara jo bo lekanang le mola go tswa ka fa ntlheng ya molema.
Moo tsela ya botlhe e e arogantsweng ka mela ya pharakano e e yang kwa ntlheng e le nngwe, e fokodiwang ka mola o le mongwe.
Fokotsa lebelo mme o fetole mela fa go tlhokega.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore dirori tse dingwe di ka tsena go tswa mo tsleng e e kwa pele go tsa mo mebileng e e mo dintlheng tsotlhe ka mokgwa o o ka dirang gore ka ntlha ya pono e e lekanyeditsweng ya sekgala, di ka nna kotsi mme go tshwanetse ga nniwa kelotlhoko tota.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe moo pharakano e ka kopanang go tswa mo mebileng e e sa bonweng ke badirisi ba tsela.
Fokotsa lebelo go ya go lebelo le le babalesegileng mo maemong ao mme o nne o lebeletse pharakano e e ka tlhagang go tswa mo dintlheng tsotlhe.
Fa o lebile makgabaganyo mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore go na le letshwao la kemiso kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go kailweng jalo gona.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore go na le thanele mo tseleng e e kwa pele.
Fa o lebile thanele mo tseleng ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o tshube dipone fa go tlhokega.
Fokotsa lebelo mme o eme fa go tlhokega go naya batsamayakadinao tshwanelo ya go feta.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo go ka solofelwang batsamayakadinao gona.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse batsamayakadinao mo tseleng.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo go ka solofelwang bana gona.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse bana mo tseleng.
Le lemosa modirisi wa tsela ka kgonagalo ya go nna teng ga bapalami ba dibaesekele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe e go ka solofelwang bapalami ba dibaesekele mo go yona.
Fokotsa lebelo mme o nne o labile bapalami ba dibaesekele mo tseleng.
Fokotsa lebelo mme o nne o labile diphologolo tse di tlhaga mo tseleng.
Le lemosa modirisi wa tsela ka kgonagalo ya go nna teng ga diruiwa tsa polase di ka ne di kgabaganya gongwe di tletsetletse mo tseleng ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o nne o labile diruiwa tsa polase mo tseleng.
Le lemosa modirisi wa tsela gore bophara jwa tela bo a fokotsega kwa borogong mo tseleng e e kwa pele.
Mo tseleng fa go lebilwe borogo fa bophara bo lekanyeditsweng gona.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Le lemosa modirisi wa tsela gore bophara jwa kago e e mo tseleng kwa pele bo kwa tlase ga dimetara di le tlhano.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe fa go lebilwe kago e bophara jwa yona bo leng kwa tlase ga dimetara di le 5.
Fokotsa lebelo, nna o lebeletse pharakano, mme o eme kwa matsenong fa serori se se tlhagang kwa ntlheng e nngwe se setse se le mo kagong, gongwe se le gaufi thata mo se ka bakang kotsi.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka makukunopu a lebelo mo tseleng e e kwa pele.
Fokotsa lebelelo go ya kwa lebelong le le siametseng maemo.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore go na le heke ya dirori kwa pele mo gare ga tsela.
Fa o lebile heke ya dirori mo tseleng ya botlhe.
Fokoletsa lebelo go ya go lebelo le le babalesegileng.
Fa o lebile heke ya dirori mo tseleng ya botlhe.
Fokoletsa lebelo go ya go lebelo le le babalesegileng.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Mo tseleng nngwe le nngwe mo go nnang le pitlagano gangwe le gape.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka mokgokolosa mo thoteng e e kwa pele.
Fa o lebile dithota gongwe mekgokolosa mo ditseleng tsa botlhe.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore ka ntlha ya thota e e fologelang kwa pele, dirori tse di boima di ka ne di tsamaya iketlo ka kere e e kwa tlase.
Fa o lebile dithota gongwe mekokolosa mo ditseleng tsa botlhe.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebile dirori tse di tsamayang ka iketlo kwa pele.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka kago e e kwa godimo e e nang le tekanyetso ya bogodimo jaaka go kailwe mo letshwaong.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe fa go na le tekanyetso ya bogodimo.
Fokotsa lebelo mme o netefatse gore bogodimo jwa serori sa gago (go akarediwa le morwalo), ga bo fete tekanyetso ya bogodimo jaaka e kailwe mo letshwaong.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore bophara jwa dirori ka kakaretso bo lekanyeditswe jaaka go kailwe mo letshwaong.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe fa go na le tekanyetso ya bophara.
Fokotsa lebelo mme o netefatse gore bophara jwa serori sa gago (go akarediwa le morwalo), ga bo fete tekanyetso ya bophara jaaka e kailwe mo letshwaong.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore tsela e e kwa pele e ngotlega go tswa mo matlhakoreng otlhe.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo tsela e e kwa pele e ngotlegang go tswa mo matlhakoreng otlhe.
Fokotsa lebelo mme o nne o labile pharakano e e tlang kwa pele.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore tsela e e kwa pele e ngotlega go tswa mo letlhakoreng la molema fela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo tsela e e kwa pele e ngotlegang go tswa mo letlhakoren le le lengwe fela.
Fokotsa lebelo mme o nne o labile pharakano e e tlang kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo bogodimo bo reledisang, go sa tshwenye gore seemo sa bosa ke sefe.
Fokotsa lebelo mme o ele tlhoko gore o seke wa relela fa o gata mariki.
Mo tsela ya botlhe e felelang mo losing lwa noka gongwe losi lwa molatswana.
Fokotsa lobelo mme o dire se se tshwanetseng.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo go nang le letsibogo kwa pele.
Fokoletsa lebelo go ya go le le siametseng seemo.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Nna o lebeletse dirori tse di tsamayang ka iketlo tsa temothuo.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore bogodimo jwa tsela e e kwa pele bo tla nna jwa mmu.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo tsela ya sekontere e felelang teng.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka kgonagalo ya pono e e fokotsegileng kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo go le gantsi pono e fokotsegang ka ntlha ya mosi, mouwane gongwe maemo a a tshwanang le ao.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse dilo tse di ka nnang kotsi.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka go nna teng ga difofane tse di fofelang kwa tlase gaufi le tsela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe gaufi le maemelafofane.
Solofela difofane gaufi le letshwao.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka mola o le mongwe wa seporo mo makgabaganyong a seporo.
Fa o lebile makgabaganyo a seporo.
Fokotsa lebelo mme o eme fa go tlhokega.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka mela e e fetang bongwe ya seporo mo makgabaganyong a seporo.
Fa o lebile makgabaganyo a seporo.
Fokotsa lebelo mme o eme fa go tlhokega.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka kgaoganyo ya tsela kwa pela e a tla tshwanelang go e feta ka fa molemeng kgotsa ka fa mojeng.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe pele fela ga foo go nang le kgonagalo ya kotsi gona mo tseleng.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka kgaoganyo ya tsela kwa pela e a tla tshwanelang go e feta ka fa molemeng kgotsa ka fa mojeng.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe pele fela ga foo go nang le kgonagalo ya kotsi gona mo tseleng.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka sekgoreletsi kgotsa paakanyo mo tseleng e ka nna go ya kwa mojeng gongwe kwa molemeng wa tsela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe pele fela ga sekgoreletsi se se ka neng se le ka fa mojeng gongwe molemeng wa tsela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo pharakano e faposediwang kwa mojeng.
Fokotsa lebelo go ya go lebelo le le siametseng maemo.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo pharakano e faposediwang kwa mojeng.
Fokotsa lebelo go ya go lebelo le le siametseng maemo.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore tsela ga e tswelele go feta makopanelo le gore go tshwanetse ga fapogelwa kwa mojeng gongwe kwa molemeng.
Fa o labile makopanelo a T mo tsela e khutlang mme o tshwanelwa ke go fapogela kwa mojeng gongwe kwa molemeng.
Fokotsa lebelo, mme o nne o ipaakanyeditse go ka ema, fa go lthokega.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore tsela ga e tswelele go feta letshwao.
Fa tsela ya botlhe e tswetswe gongwe tsela e khutla.
Fa tsela ya botlhe e tswetswe gongwe go sa letlelelwa go tsena.
Fokotsa lebelo mme o boele morago gonne ga o a letlelelwa go tsena.
Le lemosa modirisi wa tsela ka sekgoreletsi se se kwa godimo ga tsela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo go ka solofelwang sekgoroletsei go tswa kwa godimo ga tsela.
Fokotsa lebelo mme o netefatse gore serori sa gago ga se kitla se amana le sekgoreletsi.
Ano ke matshwao a tsela a a supang lefelo, ntlha, sekgala, ditlamelo, ditheo, mafelo a a kgatlhisang, mafelo a bojanala, kgotsa kopano ya dingwe tsa tseno, kgotsa letshwao la pharakano le le tlamelang ka tshedimosetso ka kakaretso kgotsa le naya badirisi ba tsela kgakololo.
Le kaela modirisi wa tsela gore botso jwa lebelo le le kwa godimo bo ka nna sekgala sa dimetara di le 300 kwa pele.
Fa o lebile botso, gantsi mo ditselafefong.
Fa o ikaelela go dirisa botso, diragatsa ditshupo tse di maleba go sa le gale, mme o fetole lebelo la serori sa gago ka tshwanelo.
Le kaela modirisi wa tsela gore botso jwa lebelo le le kwa godimo bo ka nna sekgala sa dimetara di le 200 kwa pele.
Fa o lebile botso, gantsi mo ditselafefong.
Fa o ikaelela go dirisa botso, diragatsa ditshupo tse di maleba go sa le gale, mme o fetole lebelo la serori sa gago ka tshwanelo.
Le kaela modirisi wa tsela gore botso jwa lebelo le le kwa godimo bo ka nna sekgala sa dimetara di le 100 kwa pele.
Fa o lebile botso, gantsi mo ditselafefong.
Fa o ikaelela go dirisa botso, diragatsa ditshupo tse di maleba go sa le gale, mme o fetole lebelo la serori sa gago ka tshwanelo.
Le kaela modirsi wa tsela gore tsela e e kwa pele ga letshwao leno ga e fetege.
Kwa makgabaganyong mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe, go tsibosa modirisi wa tsela gore tsela eno ga e fetege.
O seke wa dirisa tsela eno fa o ikaelela go tswelela pele.
Le kaela modirsi wa tsela gore tsela e e yang kwa mojeng ga e fetege.
Kwa makgabaganyong mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe, go tsibosa modirisi wa tsela gore tsela e e yang kwa mojeng ga e fetege.
O seke wa dirisa tsela eno fa o ikaelela go tswelela pele go ya kwa mojeng..
Le kaela modirsi wa tsela gore tsela e e yang kwa molemeng ga e fetege.
Kwa makgabaganyong mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe, go tsibosa modirisi wa tsela gore tsela e e yang kwa molemeng ga e fetege.
O seke wa dirisa tsela eno fa o ikaelela go tswelela pele go ya kwa molemeng.
Le kaela modirisi wa tsela gore pharakano mo tseleng e a leng mo go yona e na le tshwanelo ya tsela kwa makgabaganyong a a kwa pele.
Kwa makgabaganyong jaaka didiko tsa pharakano, mo molawana wa ka gale wa tshwanelo ya tsela o sa direng gona.
Le fa o na le tshwanelo ya tsela, fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse dirori tse di ka sekeng tsa nna boineelo go go naya tshwanelo ya tsela.
Le kaela badirisi ba tsela gore go na le phaka le maemelo a dipalangwa.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe e e gaufi le phaka le lefelo la go palama.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse dirori gongwe batsamayakadinao ba ba tswang gongwe ba tsena mo lefelong leo.
Le kaela badirisi ba tsela koo kantoro, sekhutlhwana gongwe boto ya tshedimosetso e leng gona.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe e e gaufi le kantoro ya tshedimosetso.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse dirori gongwe batsamayakadinao ba ba tswang gongwe ba tsena mo lefelong leo.
Le kaela badirisi ba tsela gore matshwao a tsela a a kwa marakanelong a go tlogang go tsenwa fa go o na a na le matlhakore a feta bobedi.
Kwa makgabaganyong a a nang le matshwao a pharakano (diroboto) a a nang le matlhakore a a fetang bobedi.
Lemoga gore tiro/kgaotso ya matshwao a pharakano (diroboto) ga e tshwane le ya roboto ya matlhakoremabedi. Tswelela fela fa letshwao le le tala le tlhageletse, mme go babalesegile go ka dira jalo.
Le kaela badirisi ba tsela gore tuelo ya tsela fa lefelong la tuelo le le fa pele ke bokae.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe e e tlogang e nna tsela e e duelelwang.
Fa o sa batle go duelela tsela, tsaya tsela e nngwe, jaaka go kailwe ka letshwao la tsela.
Matshwao a mafelo a supa maina a ditsela, metsesetoropo, ditoropo jalo le jalo.
Matshwao a matshwao a tsela a kaela badirisi ba tsela ka ntlha ya tsela, palo, jalo le jalo.
Matshwao a ntlha a kaela ntlha kgotsa sekgala sa go ya kwa lefelong.
Matshwao ano a tsibosa badirisi ba tsela ka diphetogo tsa mela mo tseleng.
Go tsibosa badirisi ba tsela ka segoro se se bobebe mo tseleng e e kwa pele le go atlenegisa lebelo le le babalesegileng.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe e e nang le segoro se se bobebe mme go le botlhokwa go fokotsa lebelo.
Le fa lebelo le le kwa godingwana le ka ne le letlelesegile mo tseleng e e riling, go atlenegisiwa gore o fokotse lebelo la serori go ya go lebelo le le kailweng gore o tswelele pele ka pabalesego go fitlha o sena go feleletsa segoro.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe e e motsopodia.
Fokotsa lebelo go ya go lebelo le le kailweng mo letshwaong mme o dirise lebelo leo mo sekgaleng se se kailweng. O seke wa gata mafura go fitlha letshwao la tsela le go kaela gore o dire jalo.
Go tsibosa badirisi ba tsela ka go nna teng ga dikhuti mo tseleng e e wka pele.
MO tseleng nngwe le nngwe ya botlhe e go ka solofelwang dikhuti mo go yona.
Fokotsa lebelo la serori sa gago jaaka go tshwanetse gore o kgone go fapoga ga go ka tlhokega.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe fa go leng botlhokwa go emisa serori gotlhelele.
Fokotsa lebelo mme o ipaakanyetse go emisa serori sa gago tsii, mo sekgaleng sa dimetara di le 60 kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo tekanyetso ya lebelo mo mafelong mangwe e leng kwa godimo mo go sa babalesegang.
Fokotsa lebelo mme o kgweetse ka iketlo mo makukunopung a lebelo.
Fokotsa lebelo mme o dirise kere e e kwa tlase fa go ka tlhokega.
Fa go fitlhelwang matshwao a le mabedi a pharakano a ganetsana, letshwao la nakwana ke lona le tsewang tsia.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe fela go le gantsi e nna gaufi le dikolo.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse bana. Emisa fa go tlhokega go naya bana ba ba kgabaganyang tsela tshwanelo ya tsela.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore go na le kago ya nakwana ya tsela, paakanyo kgotsa tiro nngwe e amanang le tseo kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse badiri ba konteraka kgotsa dirori mo tseleng.
LE tsibosa modirisi wa tsela gore segopatsela se dira mo tseleng e e kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mme go le gantsi e nna mo ditseleng tsa mmu.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse segopatsela mo tseleng.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka go nna teng ga matlapana a a fofang kgotsa kerabole mo tseleng e e kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe, bogolo segolo mo tseleng e e sa tswang go tshelwa sekontere gape.
Fokotsa lebelo mme o oketse sekgala magareng ga gago le dirori tse dingwe go fokotsa kgonagalo ya gore matlapana a a fofang a go senyetse serori.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka phetogo e e ka nnang kotsi ya bogodimo jwa tsela.
Fokotsa lebelo mme o leke go tila go kgweetsa mo go sa lekalekaneng.
Mo ditseleng tsa botlhe tse di baakanngwang gongwe morago ga dipula tsa matsorotsoro.
Fokotsa lebelo mme o tile go kgweeletsa mo losing lwa tsela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe, bogolo segolo fa e baakanngwe.
Fokotsa lebelo mme o emise fa o kaelwa go dira jalo.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore dirori tsa konteraka di kgabaganya gongwe go tsena mo tseleng e e kwa pele e ka nna go tswa kwa ntlheng ya molema gongwe ya moja.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo kago e tsweletseng pele teng.
Fokotsa lebelo mme o emise fa o kaelwa go dira jalo.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka maemo a a ka nnang kotsi kwa pele ka go bentsha lebone le le kgolokwe le le setlha gaufi le letshwao la tsiboso.
Mo tselen nngwe le nngwe ya botlhe mo badirisi ba tsela ba tlhokang go itsesewe ka kotsi e e kwa pele.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka go nna teng ga mapodisi kwa pele kwa letshwaong la kemiso la nakwana, gongwe le tsibosa ka lefelo la kotsi kgotsa tiragalo e e tshwanang le eo mo go nang le mapodisi gona.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo badirisi ba tsela ba tlokang go itsisewe ka maparego a tsela a sepodisi kwa pele.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Le tsibosa modirisi wa tsela gore go na le kotsi kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo badirisi ba tsela ba tlhokang go itsisewe ka kotsi e e kwa pele.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Go tsibosa badirisi ba tsela ka sekgoreletsi sa nakwana kgotsa phetogo ya popego ya tsela go ya ka fa letlhakoreng la molema la tsela.
Mo tseleng nngwe le nngwe, bogolo segolo mo tiro ya go baakanya tsela e tsweletseng pele gona.
Fokotsa lebelo mme o tseye dikgato tse di maleba jaaka o kaelwa ke letshwao.
Go tsibosa badirisi ba tsela gore karolo ya tsela e tswaletswe pharakano nakwana.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe e e tswaletsweng pharakano nakwana.
Se tswelele go feta maparego ano.
Go tsibosa modirisi wa tsela gore dipone tsa pharakano tse di kwa pele ga di dire.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo dipone tsa pharakano tse di kwa pele di sa direng gona.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Go tsibosa modirisi wa tsela gore dipone tsa pharakano tse di kwa pele ga di dire.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo dipone tsa pharakano tse di kwa pele di sa direng gona.
Fokotsa lebelo mme o emise fa go tlhokega.
Go tsibosa badirisi ba tsela ka phapogo e e kwa pele le ntlha e go tshwanetseng ga tswelelwa go yona.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo tsela e tswetsweng nakwana.
Fokotsa lebelo mme o tswelele fa go babalesegile mo ntlheng e e kailweng mo letshwaong.
Go netefaletsa badirisi ba tsela ka tsela e nngwe e e ka dirisiwang.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo tsela e tswetsweng nakwana.
Tswelela mo tseleng eno go fitlha o kaelwa ka mokgwa mongwe ke letshwao le lengwe la tsela.
Go tsibosa badirisi ba tsela ka kemiso ya sepodisi (maparego a tsela) kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o emise fa o kaelwa jalo.
Go tsibosa badirsi ba tsela gore go na le dipaterole tsa bana ba sekolo mo sekgaleng se se kailweng kwa pele.
Fokotsa lebelo mme o emise fa o kaelwa jalo.
Go tsibosa badirisi ba tsela ka paakanyo ya nakwana ya tsela mo sekgaleng se se riling kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse badiri ba tsila kwa pele.
Go tsibosa badirisi ba tsela ka kemiso ya sepodisi (maparego a tsela) kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o emise fa o kaelwa jalo.
Go tsibosa badirisi ba tsela gore tela e fokotsega nakwana ka mola o le mongwe go tswa ka fa ntlheng ya moja mo sekgaleng se se rileng jaaka go kailwe mo letshwaong.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Le kaela modirisi wa tsela gore fa a kgweetsa ka fa moleng o o ka fa mojeng, o tshwanetse go kgweetsa fela ka lebelo le le kailweng mo letshwaong gongwe go le feta.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Mo marakanelong mo tseleng ya botlhe.
Gakologelwa go emela pharakano e nngwe gongwe batsamayakadinao ba ba leng mo makopanelong ka molao kgotsa kwa makgabaganyong a batsamayakadinao.
E kaela modirisi wa tsela go emisa.
Kwa makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Fa o le gaufi thata le mola wa kemiso mo serori sa gago se ka se keng sa emisiwa ka pabalesego, o ka tswelela fa go babalesegile.
Le kaela modirisi wa tsela go emisa fa morago ga mola wa kemiso le go nna a emisitse go fitlhela go tlhagelela letshwao le le tala.
Mo makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o emise serori sa gago tsi!
Le kaela modirisi wa tsela go emisa fa morago ga mola wa kemiso le go tswelela go ema go fitlhelela go tlhagelela letshwao le le tala.
Mo makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o emise serori sa gago tsi. O seke wa tswelela go fitlhelela go tlhagelela letshwao le le tala, mme le ka nako eo, go ka tswelelwa fa fela go babalesegile go ka dira jalo.
Le kaela modirisi wa tsela go tsaya kgato ya fa ele kemiso ya matlhakoremane.
Mo makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Fa o tla o lebile letshwao leno, o tshwanetse go tsaya kgato ya fa e le letshwao la kemiso mme o seke wa tswelela go tsena mo makgabaganyong go fitlhelela serori sengwe le sengwe se se emisitseng kwa moleng o mongwe wa kemiso pele ga gago, mme se ka feta mo tseleng ya gago, se dule mo makgabaganyong.
Le kaela modirisi wa tsela go emisa serori fa morago ga mola wa kemiso. Fa a batla go fapogela kwa molemeng kwa makopanelong, a ka tswelela go lebeletswe mabaka mangwe.
Mo makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Emisa serori fa morago ga mola wa kemiso, mme fa o batla go fapogela kwa molemeng, tswelela le fa go tlhagisitswe kgolokwe ya lebone le le hibidu. Go tshwanetse ga newa pharakano e e tswang ka fa mojeng le batsamayakadinao ba ba tshubetsweng lebone le le tala tshwanelo ya go feta.
Le kaela modirisi wa tsela go tswelela fela mo ntlheng e e kailweng ke letshwao fa go babalesegile go dira jalo.
Mo makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Fa o ikaelela go tswelela mo ntlheng ya motsu, o ka dira jalo, go seng jalo o tshwanetse go ema mme o emele gore go tlhagelele letshwao le le tala.
Letshwao leno le tla nna le bokao bo le bongwe le jwa letshwao la kemiso.
Emisa jaaka o dira fa letshwaong la kemiso mme o tswelele fa go babalesegile go dira jalo.
Matshwao ano a dirisiwa fa makgabaganyong a seporo. Matshwao a tla benya ka go refosana go supa gore terena e etla.
Fa makgabaganyong a seporo mo tseleng ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o emise. O seke wa tswelela pele fa matshwao a benya ka go refosana gonne seno se kaya fa terena e tla.
Le kaela badirisi ba tsela gore mola o o ka fa tlase ga letshwao leno o buletswe pharakano e e tlhagang kwa ntlheng e nngwe fela.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe, mme go le gantsi mo mafelong a go duelelela tiriso ya tsela.
O seke wa dirisa mola o o ka fa tlase ga letshwao leno, ke wa pharakano e e yang kwa ntlheng e nngwe.
Le kaela badirisi ba tsela go dirisa mola o motsu o supileng mo go ona.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe, mme go le gantsi mo mafelong a go duelela tiriso ya tsela.
Dirisa mola o o ka fa tlase ga letshwao leno fa o ka swetsa go tswelela pele.
Le kaela modirisi wa tsela gore mola o motsu o supileng kwa go ona o tswetswe kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
Tswaya mo moleng o o mo ntlheng ya motsu fa go babalesegile go dira jalo.
Le kaela modirisi wa tsela lefelo le a tshwanetseng go emisa fa go lona.
Mo makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o emise ka gangwe fa morago ga mola wa kemiso. Tswelela fa fela go babalesegile go dira jalo.
Le kaela modirisi wa tsela lefelo le a tshwanetseng go bontsha boineelo le go naya pharakano e nngwe tshwanelo ya go feta.
Mo makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse pharakano e e tlhagang go tswa ka fa molemeng gongwe ka fa mojeng. Emisa fa go tlhokega go naya tshwanelo ya go feta.
Le kaela modirisi wa tsela go fokotsa lebelo gongwe go emisa, fa go tlhokega, go bontsha boineelo ka go naya tshwanelo ya go feta go motsamayakadinao yo o kabaganyang tsela fa makgabaganyong a batsamayakadinao.
Mo makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse batsamayakadinao. Emisa fa go tlhokega, go naya batsamayakadinao ba ba kgabaganyang tsela fa makgabaganyong a batsamayakadinao tshwanelo ya go feta.
Le kaela modirisi wa tsela go fokotsa lebelo gongwe go emisa, fa go tlhokega, go bontsha boineelo ka go naya tshwanelo ya go feta go motsamayakadinao yo o kabaganyang tsela fa makgabaganyong a batsamayakadinao.
Mo tseleng ya botlhe fa batsamayakadinao ba kgabaganyang tsela gona.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse batsamayakadinao. Emisa fa go tlhokega, go naya batsamayakadinao ba ba kgabaganyang tsela fa makgabaganyong a batsamayakadinao tshwanelo ya go feta.
Le kaela modirisiw a tsela gore a seke a kgabaganya letshwao le le supang gore ga go segwe tsebe, kgotsa go kgweetsa go le feta go ya kwa mojeng wa letshwao leo la ga go segwe tsebe.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe moo go kgabaganya / go feta go ka nnang kotsi.
Fokotsa lebelo mme o tlhokomele sekgalamagareng se se babalesegileng fa morago ga dirori tse di kgweetsang ka iketlo, go fitlha o bona gore go babalesegile go ka sega tsebe/ feta.
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke a kgabaganya letshwao la gore ga go kgabaganngwe, kgotsa go kgweetsa go le feta go ya kwa mojeng wa letshwao leo la ga go kgabaganngwe.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe moo go kgabaganya/ feta go leng kotsi.
Fokotsa lebelo mme o tlhokomele sekgalamagareng se se babalesegileng fa morago ga dirori tse di kgweetsang ka iketlo, go fitlha o bona gore go babalesegile go ka sega tsebe/ feta.
Le kaela modirisi wa tsela losi la molema la tsela le gore a seke a kgweeletsa ka fa molemeng wa letshwao la go nna jalo.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
O seke wa kgabaganya losi la molema la tsela.
Le kaela modirisi wa tsela losi la molema la tsela le gore a seke a kgweeletsa ka fa mojeng wa letshwao la go nna jalo.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
O seke wa kgabaganya losi la moja la tsela.
a.a kgabaganya matshwao; kgotsa b.a ema mo godimo ga matshwao.
O seke wa kgabaganya gongwe go emisa mo godimo ga matshwao a go nna jalo.
Le kaela modirisi wa tsela gore lefelo le le tshwailweng ka letshwao le beetswe thoko go dirisiwa ke dirori tse di kailweng ke letshwao le le mo letshwaong.
Mafelo a a tshwailweng ka lengwe la matshwao ano a tshwanetse go dirisiwa fela ke dirori tseo. O seke wa phaka mo lefelong leo fa letshwao leo e se la serori se o se kgweetsang.
A kaela modirisi wa tsela go tswelela mo ntlheng e e kaiwang ke motsu fela.
Mo leleng fa o ya kwa makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Fa mmala wa motsu o le mosetlha, ga o a letlelelwa go ka tlhola o fetola mela, mme ka jalo o tshwanetse go tswelela mo ntlheng e e kaiwang ke motsu.
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke a tsena mo bokosong mo makgabaganyong fa a sa kgone go kgabaganya lefelo leo ka ntlha ya dirori tse di emisitseng: Fa fela e le gore serori sengwe le sengwe se se fapogelang ka fa molemeng gongwe ka fa mojeng se ka tsena mo makgabaganyong ao.
Kwa makgabaganyong a a tlhanaselang mo tseleng ya botlhe.
Ga gona serori se se letleletsweng go emisa mo bokosong e e mo makgabaganyong, ntle le fa serori seo se ikaelela go fapogela kwa mojeng kgotsa kwa molemeng, fela se patelesega go emisa gongwe go bontsha boineelo ka go naya pharakanao e e tlang gongwe batsamayakadinao.
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke a emisa go bapa le mola o mohibidu.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe moo dirori tse di emisitsweng di ka bakelang badirisi ba tsela kotsi.
O seke wa emisa go bapa le mola o mohibidu ntle le fa o kaelwa ke letshwao la tsela gongwe motlhankedi wa pharakano.
Le kaela modirisi wa tsela gore a seke a phaka go bapa le mola o mosetlha.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe moo dirori tse di emisitsweng di ka bakelang badirisi ba tsela kotsi.
O seke wa phaka go bapa le mola o mosetlha ntle le fa o kaelwa ke letshwao la tsela gongwe motlhankedi wa pharakano.
Le kaela modirisi wa tsela gore a nne boineelo mme a neye tshwanelo ya go feta go serori sengwe le sengwe se se kgabaganyang mola wa boineelo pele ga gagwe.
Mo makgabaganyong mo tseleng ya botlhe.
Bontsha boineelo mme o neye tshwanelo ya go feta go dirori tsotlhe tse di kgabagantseng mola wa boineelo pele ga gago, mme o tswelele go ya ka fa mojeng mo sedikong mme o leke gore o seke wa kgoreletsa mo sedikwaneng.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka makgabaganyo a seporo a a kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe fa o lebile makgabaganyo a seporo.
Fokotsa lebelo, nna o lebile terena mme o emise fa go tlhokega.
Le tsibosa modirisi wa tsela ka letshwao la tsela kwa pele.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe fa o lebile makopanelo.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse pharakano e nngwe le batsamayakadinao ba ba tlang kwa makgabaganyong. Emisa fa go tlhokega.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe fa o tla o lebile mola wa gore ga go segiwe tsebe gongwe ga go kgabagannwe.
Nna ka fa molemeng mme o tshegetse sekgala magareng se se babalesegileng fa morago ga dirori tse di iketlileng.
Maalo a kemiso a dirisiwa mo mekgokoloseng e meleele gore e nne tlamelo ya botshabelo jo bo babalesegileng jwa dirori tse di boima tse di duleng mo taolong.
Kgweeletsa kgakala le mafelo ano gonne a diretswe go dirisiwa ke dilori tse di duleng mo taolong.
Tsela ya botshabelo e diretswe go tlamela ka tsela e e se nang dikgoreletsi go tswa mo go se e neng e ka nna sekgoreletse mo bogareng jwa tsela.
Go le gantsi kwa mafelong a go duelelwang tiriso ya tsela gona go tlamela tsela ya botshabelo fa lifelong leo.
Kgweeletsa kgakala le mafelo ano gonne a diretswe go dirisiwa ke dilori tse di duleng mo taolong.
Go tsibosa badirisi ba tsela ka makukunopu a lebelo mo tseleng.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo motsesetoropong mo go leng botlhokwa teng go fokotsa lebelo la dirori tsotlhe.
Fokotsa lebelo go ya go lebelo le le siametseng maemo.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe mo motsesetoropong mo goleng botlhokwa teng go tlamela ka lefelo le dibaesekele di ka kgabaganyang tsela fa go lona.
Fokotsa lebelo mme o nne o lebile bapalami ba dibaesekele. Emisa fa go tlhokega, go naya bapalami ba dibaesekele ba ba kgabaganyang tsela tshwanelo ya go feta.
Le naya modirisi wa tsela kaelo e nngwe tebang le go nna teng ga mekwatla mo moleng wa mokwatla mo tseleng.
Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe.
O seke wa fetela gongwe go palama mekwatla eno.
<fn>tsn_Article_National Language Services_BUKANA YA MAINA A MAFELO (2001).txt</fn>
Maina a mafelo ke eng?
Khansele ya Maina a mafelo ya Aforika Borwa (SAGNC) ke eng?
Ke maina afe a mafelo a a akarediwang ke SAGNC?
Ke maina afe a mafelo a a welang kwa ntle ga taolo ya SAGNC?
A maina a a leng teng a ka fetolwa?
Ke mang yo o ka dirang kopo ya thebolo ya leina?
Maina a mafelo ke eng?
Ke maina a mafelo a batho ba nnang kwa go one, dikago gammogo le maina a dilo tsotlhe tsa tlhago.
Khansele ya Maina a Mafelo ya Aforika Borwa ke eng?
SAGNC ke mokgatlho o o eletsang Tona ya Botsweretshi, Setso, Saense le Thekenoloji ka ga tlhomamiso ya maina a mafelo.
SANGC e bopilwe ka ditswerere tsa maina a mafelo, dipuo tsa semmuso le histori ya setso, gammogo le moemedi a le mongwe go tswa porofense e nngwe le e nngwe le baemedi ba Bokaedibogolo jwa Bolekanyetsalefatshe, Ofisi ya Poso ya Aforika Borwa, le Lekgotla la Dipuo Tsotlhe la Aforika Borwa.
Bokwaledi jwa SAGNC bo tlamelwa ke Lefapha la Botsweretshi, Setso, Sanese le Thekenoloji.
E tsaya tshwetso ka ga mofuta wa maina, e a romele kwa go Tona go a rebola.
E kokoanya le go kwala maina a mafelo le go dira gore a itsiwe.
E ikgolaganya le Ditšhaba Kopano, Khomišene ya Ikonomi ya Ditšhaba Kopano ya Aforika, bathati ba maina a mafelo ba e leng maloko a Ditšhaba Kopano, le dikemedi tse dingwe tsa boditšhabatšhaba tse di amanang le tlhomamiso ya maina.
Ke maina afe a mafelo a a welang ka fa tlase ga SAGNC?
Maina a mafelo a kwadiso (mafelo a a dirisetswang go kwadisa mafatshe).
Ke maina afe a mafelo a a sa weleng ka fa tlase ga taolo ya SAGNC?
Go a diragala mo nageng nngwe le nngwe gore batho ba rate go naya mafelo a a farologaneng leina le le tshwanang, kgotsa go nne le go sa utlwane ka ntlha ya gore maina a ka dumisiwa ka go tshwana kgotsa mopeleto wa leina la lefelo o ka tshwana thata le wa lefelo le lengwe. Gape maina a ka peletwa ka mekgwa e e farologaneng. Mo nageng ya dipuo tse dintsi jaaka Aforika Borwa, gantsi mafelo a nna le maina a a fetang le lengwe.
Lefatshe ka bophara maina a mafelo a tlhomamisiwa ke bathati ba ba swetsang ka ga mokwalo wa leina le le tshwanetseng go dirisiwa semmuso, go akaretsa mopeleto wa leina leo.
Go botlhokwa go tlhomamisa maina ka maikaelelo a go netefatsa histori ya naga le bosetšhaba, le kgwebisano le khomose, thwalo, tlhaeletsano, thulaganyo ya kgaolo le tikologo, saense le thekenoloji, bojanala, taolo ya matlhotlhapelo le ditiro tsa go batla le go pholosa, jalo le jalo.
Batho ba ba rulaganyang dimmapa le go kwala maina a mafelo bosetšhaba le boditšhabatšhaba ba ikaegile ka mebuso ya dinaga go ba tlamela ka maina a a tlhomamisitsweng.
Porofense nngwe le nngwe e tlhopha Komiti ya Maina a Mafelo ya Porofense.
Komiti ya Maina a Mafelo ya Porofense e rwele maikarabelo a go eletsa bathati ba selegae le go dira le bone mo go netefatseng gore ba dirisa dintlha tsa botlhokwa tsa SAGNC mo maineng mo maineng a a welang ka fa tlase ga taolo ya yona.
PGNC e rwele maikarabelo a go tlhokomela gore go rerisanwe le dikomiti tsa selegae le beng ba bangwe pele bothati ba selegae bo ka romela leina lengwe le lengwe ka PGNC kwa SAGNC.
Gape maina a romelwa ke Ofisi ya Poso, batlhabolodi ba ditsha, mekgatlho le batho.
SAGNC e amogela dikopo tsotlhe go rebola maina a mafelo a a welang ka fa tlase ga taolo ya yona le go netefatsa gore go rerisanwe ka tshwanelo le gore leina le kgotsofatsa ditlhokego tsotlhe tsa Khansele ka ditsela tsotlhe.
SAGNC e tsaya tswetso ya makgaolakgang ka ga sebopego kgotsa dipopego tsa maina, mme dire e romele dikatlanegiso kwa go Tona.
Gangwe fela fa Tona a rebotse leina, leina leo le tlhomamisitswe. Jaanong le phasaladiwa mo Kuranteng ya Mmuso.
Dintlha tsa botlhokwa tsa maina a mafelo mo Aforika Borwa.
Mabaka otlhe a botlhokwa a dira mo maineng otlhe a mafelo. Dikomiti tsa Maina a Mafelo tsa Diporofense di tshwanetse go tlhokomela gore bathati botlhe ba selegae ba na le kitso ka ga dintlha tse tsa botlhokwa.
maina a a ka tsewang e le phasalatso ya kuno, tirelo kgotsa setlamo se se rileng.
Fa go kgonagalang go bonwe tetla e e kwadilweng go tswa mo mothong yo o amegang kgotsa kgotsa mo losikeng le bajaboswa ba motho yoo pele leina la gagwe le ka dirisiwa.
A maina a a leng teng a ka fetolwa?
Go ka dirwa kopo ya phetolo ya leina fa mokopi a dumela gore leina ga le kgotsofatse dintlha tsa botlhokwa tsa SAGNC kgotsa ka mabaka a mangwe jaaka a histori kgotsa a puo. Kopo etshwanetse go direlwa mo foromong e e dirisetswang maina a mašwa, mme e tshwanetse go patiwa ke tlhaloso e e tletseng, mme fa go kgonagalang le dikwalo tse di tshegetsang.
Diphetogo di tsosa tlhakatlhakano mo nageng le boditšhabatšhaba, mme go tsaya dingwaga tse dintsi go di diragatsa.
Diphetogo di le tlhwatlhwagodimo mo dikarolong tsotlhe tsa setšhaba. Di ngangisano di ka tsoga ka ga maikarabelo a ditshenyegelo mo go direng diphetogo.
Diphetogo di ka tlhakatlhakanya loago go na le go rotloetsa tshwaragano ya setšhaba.
Maina a mafelo ke karolo ya histori, setso boswa jwa puo jwa setšhaba, jo go leng botlhokwa thata go bo somarela go na le go bo senya.
Ke mang yo o ka dirang kopo ya thebolo ya leina?
Mafapha otlhe a mmuso, mebuso ya diporofense, bathati ba selegae, Ofisi ya Poso ya Aforika Borwa, batlhabolodi ba ditsha le mokgatlho mongwe le mongwe kgotsa motho yo o batlang gore lefelo le fiwe leina.
Diforomo tsa kopo di teng go tswa kwa SAGNC kgotsa kwa diPGNC.
Bakopi ba tlhokomele go neelana ka tshedimosetso yotlhe mo foromong ya kopo.
SANGC e batla gore batho ba selegae ba nne le seabe mo go teyeng maina. Fa setšhaba se sa kgoneng go tlatsa foromo, se ka dira kopo ka bothati jwa selegae kwa Komiting ya Maina a Mafelo ya Porofense go bona thuso. DiPGNC di ka kopa thuso go tswa kwa SAGNC e e ka fetisetsang ntlha eo kwa babatlisising ba ba kgethegileng.
Ntlha le sekgala go tswa kwa kgotlatshekelo ya magiseterata e e gaufi di tshwanetse go tlhomama, sekai: dikilomitara di le 15 kwa Borwa-Botlhaba jwa...
Puo ya leina. Fa leina le bopilwe ka dikarolo tse di farologaneng ka dipuo tse di fetang e le nngwe, sekai: SeZulu le Seesimane, di kaiwe ka bobedi.
Maina a tshwanetse go kwalwa ka ditlhaka tse dikgolo le tse dinnye, e seng tsotlhe ka ditlha tse dikgolo, go bontsha fa ditlhaka tse dikgolo di tshwanetseng go diriswa teng, sekai eMbali kgotsa GaBosela.
Tshimologo le bokao jwa leina. Dintlha tsa histori tsa leina, kaelo go sengwe sa tlhago, kgotsa go tewa leina ka go tlotlomatsa motho go tshwanetse ga tlhalosiwa ka botlalo ka mo go ka kgonagalang ka teng. Ditlhaloso tsa setso di ka nopolwa go tswa mo basedimosetsing, mme go ka mametlelelwa le dikwalo tsa diakhaefe.
Kopo nngwe le nngwe e tshwanetse go neelana ka dintlha tsa mosedimosetsimogolo yo o tshisintseng leina.
Leina la bobedi le lona le neelwe. Go itlhaganedisa tiro fa SAGNC e neetswe leina la bobedi fa leina la ntlha le sa amogelesege ka mabaka lebaka lengwe (jaaka poeletso ya leina le le setseng le rebotswe).
Tsweetswee dirisang foromo ya kopo e e kannweng fela.
Fa go romelwa fekese kgotsa poso ya eleketeroniki, tsweetswee a e matlafadiwe ka go romela dikwalo tsa ntlha tse di saennweng ka poso.
Khansele e kopana gane ka ngwaga. Ka ntlha ya gore tiego gantsi e bakiwa ke tshedimosetso e e sa felelang kgotsa e e fosagetseng mo foromong ya kopo, bakopi ba tshwanetse go itse gore tlhomamiso ya leina e ka nna thulaganyo e telele. Fa go dirwa dithulaganyo go tshwanetse ga dirwa tshiamelo ya go leta bonyane sebaka sa dikgwedi tse tharo, mme go tlhokomelwe gore go tladiwe foromo ya kopo jaaka go batlega go tila tiego e telele.
Tlhokomela: Dirisa foromo e le nngwe mabapi le sengwe le sengwe se se tshwanetseng go tewa leina.
Tlhopho ya bobedi i Bokao jwa leina ke eng, mme letswa mo puong efe?
Leina le le tshisintsweng le lebisitswe selo se se jang sekai?
Lefelo le mo Seterekeng sefe sa Magaseterata le Porofense efe?
i Lefelo le bokgakala jo bo kae le gone le kwa ntlheng efe ya toropo/ofisi e e gaufi ya mageseterata sekai 15km bokone bophirima jwa?
bontsha dikgolaganyi tsa lefelo ka latitšhutu le lonkitšhutu fa go kgonagala. Tsenya mmapa wa boglo jwa A4.
Dintlha tsa mokopi...
Maemo a mokopi...
pusomorafe, e emela lefapha.
Dintlha tsa motho le/kgotsa mongwe yo o dirileng jaaka mosedimosetsi yo o neileng tshedimosetso mabapi le leina a Leina:...
<fn>tsn_Article_National Language Services_Bokaedi tlaleletso.txt</fn>
Tshedimosetso - phetogo, ka Lefapha la Botswereshi le Setso, e simolola le go tshegetsa ka matlotlo dipatlisiso tse di rileng tsa LIS kwa maemong a bosetšhaba.
Bokaedi tlaleletso gape bo thusa mekgatlho e e rileng ya LIS ka thuso mo dikabong ya diporojeke tsa bosetšhaba tse di rileng, sk. go thusa LIASA go tshola Khonferense ya IFLA 2007 kwa Durban.
Tsotlhe tsa ditiro tse di fa godimo di lebisitswe kwa go oketseng phitlhelelo kwa tshedimosetsong ya bosetšhaba.
Bokaedi tlaleletso jwa Tshedimosetso-phetogo ke ntlha bogareng ya bosetšhaba ka fa gare ga Mmuso wa bosetšhaba jo bo mekamekanang le merero ya pholisi e e rileng e e amanang le laeborari le ditirelo tsa tshedimosetso (LIS) kwa maemong a bosetšhaba. Tsedimosetso- phetogo e kaya tshedimosetso ka tshedimosetso.
Bokaedi tlaleletso bo beilwe ka fa gare ga Bokaedi Bogolo jwa Tirelo ya Diakhaefe tsa Bosetšhaba le Direkoto ya Aforika Borwa jwa Lefapha la Botsweretshi le Setso mme bo begela kwa Moakhaefeng wa Bosetšhaba, Ngaka Graham Dominy.
Ponelopele ya Bokaedi tlaleletso ke go tlhola le go tshegetsa mokgwa o o nonofileng wa tshedimosetso - phetogo o o tla godisang phitlhelelo kwa tshedimosetsong, go tlhomamisa gore baagi botlhe ba tsaya karolo mo tshedimosetsong ya Setšhaba, ka go rialo ba nna le seabe mo tsweletsong ya naga. Maikemisetso ke go gakolola Tona ya Botsweretshi, Setso, Saense le Thekenoloji ka tsweletso, thulaganyo, le tshegetso ya pholisi ya bosetšhaba ya tshedimosetso- phetogo le mafaratlhatlha.
Mokgwa wa bosetšhaba wa tshedimosetso- phetogo mo Aforika Borwa o na le mefuta e e farologaneng ya dilaeborari le mekgatlho ya tshedimosetso e mengwe mme o kgontshiwa ke letlhomeso la peomolao.
Mokgatlho wa Badiri ba Difofu wa Aforika Borwa (SABWO).
Mekgatlho e e na le seabe mo go tlholeng mafaratlhatlha a bosetšhaba a LIS, e e kgontshang mefuta e mengwe ya dilaeborari go tlamela tirelo ya tshedimosetso kwa baaging ba tsona. NLSA, BLINDLIB le SABWO e amogela dikeetletso go tswa Lefapheng la Bosetšhaba la Botsweretshi le Setso mme ke dikemedi tsa khuduthamaga tsa Lefapha.
NLSA e dira jaaka kemedi ya bosetšhaba ya bibiliokerafi gape le jaaka laeborari ya bosetšhaba ya polokelo. Tikatikwe ya Buka, e e leng moitseanape wa yuniti ka fa gare ga NLSA, e godisa thutego, tsweletso ya dibuka, le mowa wa go buisa.
BLINDLIB e tlhagisa le go phatlhalatsa mo nageng yotlhe dikwalo ka Braille, mmogo le ditheipi tsa kutlwelelo, ka tlhamalalo kwa badirising ba tshedimosetso ba difofu e bile ba na le bogole jwa kgatiso. Karolo ya Ditirelo tsa Braille ya SABWO e tlhagisa dikwalo tsa Braille fa di tlhokiwa. Ka bobedi NLSA le BLINDLIB di dirisa mekgwa ya khomputara go tlamela phitlhelelo go ya dikgobokanyong le go godisa kabelano -metswedi.
Molao wa Khansele ya Bosetšhaba ya Laeborari le Ditirelo tsa Tshedimosetso, 2001 Molao No.
Molao wa Laeborari ya Bosetšhaba ya Aforika Borwa, 1998 Molao No.
Molao wa Laeborari ya Aforika Borwa ya Difofu, 1998 Molao No.
Molao wa Peeletso ya Semolao, 1997 (Molao No. 54 wa 1997).
Bokaedi tlaleletso gape bo amega mo mabakeng a taolelo ya ditheo ya NLSA, BLINDLIB le SABWO bo tsamaisa tirego ya go bopa gape Diboto tsa NLSA le BLINDLIB.
Bokaedi tlaleletso bo dira jaaka Bokwaledi jwa Komiti ya Peeletso ya Semolao ya molao o o kwadilweng le molao o o kwadilweng wa Khansele ya Bosetšhaba ya Laeborari le Ditirelo tsa Tshedimosetso. Tshedimosetso - phetogo gape e tsamaisa tirego ya go bopa gape Komiti le Khansele.
Ka bokhutshwane, Molao wa Peeletso ya Semolao, 1997, o tlhomamisa gore khophi e le nngwe ya tokomane nngwe le nngwe e e phasladitsweng mo Aforika Borwa e romelwa mahala ntle le tuelo kwa NLSA, Laeborari ya Palamente, Laeborari ya Setšhaba ya Natala le Ditirelo tsa Setšhaba tsa Laeborari tsa Mangaung (Bloemfontein). Dikhophi tsa matheriale wa kutlo-pono di romelwa kwa Diakhaefeng tsa Bosetšhaba tsa Filimi, Bedio le Modumo mo Tshwane. Ka Molao o, ngwaoboswa e e kwadilweng ya Aforika Borwa e a bolokiwa le go rebolelwa setšhaba.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Bosiamisi ba Kagose(a.txt</fn>
Ka fa gare ga tsela ya bosiamisi jwa bosenyi, ditiro tsa bosenyi di dirwa segolo le tsona ke mokgwa wa tsela ya bosiamisi ba tuediso. Fale o bonwa molato ke kgotlatshekelo ya molao, batlolamolao ba otlhaiwa ka mokgwa wa go atlholela nako ya tlhokomelo ya tshiamiso, nako ya kgolegelo, tuelo ya tefiso kana kopano ya maitlhophelo a kotlo e.
Lefapha la Tirelo ya Tshiamiso, le gale le sweditse go tlhagisa kakanyo ya Bosiamisi ba Kagosea jaaka setlhokwa segolo. Tlhagiso e, e theilwe mo go tlhaloganyeng bosenyi jaaka kgato kgatlhanong le motswasetlhabelo le baagi mme e ikaelela go fodisa theo ya makoa mo tiregong ya bosiamisi ba bosenyi. Ga e a ikaelela go emela bosiamisi ba paakanyo mo nakong e khutshwane mme bogolo kwa go nonotsheng tirego ya bosiamisi.
Bosiamisi ba Kagosea ke eng?
Ka fa gare ga diteng tsa Ditirelo tsa Tshiamiso, Bosiamisi ba Kagosea bo ka tlhalosiwa jaaka karabo ya kagosea mo bosenying. Bo gatelela botlhokwa ba seabe sa batswasetlhabelo, bamalapa le maloko a baagi ka go ba tsenya ka mafolofolo mo tiregong ya bosiamisi. Bo ikaeletse gape kwa go tsholeng batlolamolao go nna le maikarabaelo ka tlhamalalo mo bathong ba ba ba tshwentseng le kwa go busetseng ditatlhegelo le kotsi e e bonweng ke batswasetlhabelo. Bo tlamela thono ya tetlanyo, puisano, therisano le go rarabolola bothata tse di ka isang kwa pholong, kakanyong e kgolwane ya pabalesego le pusetsogape e e oketsegileng ya motlolamolao mo teng ga baagi.
Bosiamisi ba Kagosea bo gatelela botlhokwa ba go tsholetsa seabe sa batswasetlhabelo le maloko a baagi ka kamego ya mafolofolo a mantsi mo tiregong ya bosiamisi, go rwesa batlolamolao maikarabelo ka tlhamalalo mo bathong ba ba ba tshwentseng le go tlamela dithono di le mmalwa tsa puisano, therisano le go rarabolola bothata, tse di ka isang kwa kgopolong e kgolwane ya pabalesego ya baagi, kutlwano ya loago le kagiso ya botlhe ba ba amegang.
Bosiamisi ba Kagosea ke tsela ya go dira bosiamisi gore pholo e kgone go nna teng mme seno se tsenyeletsa dielemente tsa botlhokwa tsa : go bitsa go tla go arabela tiro ya mong; poelano; go dira ka se se neng sa fosagala; go dira ka kotsi ya bosenyi, mme gape ka kotsi ya tirego ya bosenyi, mme gape ka kotsi ya tirego ya bosiamisi ba bosenyi.
Bosiamisi ba Kagosea bo farologane gotlhelele go tswa bosiamising ba tuediso. Ke bosiamisi bo bo bayang maatla mo isagong, e seng mo go se se fetileng. Bo lebelela mo go se se tlhokang go alafiwa, se se tlhokang go duelwa gape le se se tlhokang go ithutiwa mo tlhagelelong ya bosenyi. Bo lebelele se se tlhokang go tlisiwa fa e le gore dilo tse di jalo ga di a tshwanela go diragala gape.
go kopanya go go kgaogantsweng; le go tiisa baagi go thibela go utlwisiwa botlhoko go ya pele.
Ditirelo tsa Tshiamiso - phokotsego e e kgonegang mo tlalong ya batho le poelobosenying, kgonego e e oketsegileng ya botsayakarolo ba motlolamolao mo mananeong a tsosoloso le koketsego ya kamego ya baagi.
Ke mananeo afe a a bonelwang pele go nna karolo ya Bosiamisi ba Kagosea?
Ka ntlha ya fa Bosiamisi ba Kagosea bo theetswe mo kakanyong ya gore bosenyi bo tswa mo kotsing e e tlhagiseditsweng batswasetlhabelo, baagi le batlolamolao, go gapeletsega gore ditlhopha tsotlhe tse di maleba di tshwanetse go tsenngwa mo tsibogelong ya bosenyi.
Go na le matshwao a gore Bosiamisi ba Kagosea bo bona maatla go dikologa lefatshe. Mekgatlho ya mebusogare e tsaya ntlha ya Bosiamisi ba Kagosea. Ka 1999, Komiti ya Ditona ya Khansele ya Yuropa e tsere katlanegiso mo tirisong ya tetlanyo mo mererong ya kotlhao.
Buka ya Ithuto ya Dithaba Kopano tsa Bodithabathaba ka dintlha tsa Bosiamisi ba Batswasetlhabelo gore " letlhomeso la Bosiamisi ba Kagosea bo ama motlolamolao, motswasetlhabelo le baagi botlhe mo matsapeng a go tlhola tlhagiso e e lekalekanang e e lebagantsweng le motlolamolao le, ka nako e le nngwe, go dikologa - motswasetlhabelo. Pusetso ya motswasetlhabelo e dule ntlha e kgolo ya bosiamisi ba kagosea mo mafatsheng a mantsi a a tlhabologileng."
Kgato ya peomolao e fokoditse dikgoreletsi tsa semolao le thulaganyo go dirisa mananeo a kagosea, e tlhodile dithotloetso tsa go dirisa mananeo a kagosea, e kaetse le go bopa mananeo a kagosea le, mme e sireletsa batlolamolao mmogo le batswasetlhabelo.
Palo ya mananeo a kagosea ka bophara e a gola. Go na le go feta mananeo a tetlanyo a le 500 kwa Yuropa le go feta 300 kwa USA. Patlisiso ya mananeo a kagosea le diporojeke kwa Canada di isitse kwa maineng a a fetang 100.
Kakanyo ya Bosiamisi ba Kagosea ga se selo se sea mo Aforika Borwa mme go na le mabaka mangwe koo ditheo di setseng di dirisiwa go fitlha gongwe.
Komiti ya Nnete le Boitshwarelano e e itsegeng thata e e neng e lebeletse maleo otlh a a neng a dirilwe mo bathong ba Aforika Borwa, e ne e le ikatiso ya sekala se segolo mo Bosiamising ba Kagosea. E ne e emetse kamogelo ya tlhokego ya batswasetlhabelo go bona tharabololo nngwe mo maemong a bona a botswasetlhabelo ka go neela bopaki ka maitemogelo a bona le go dumelelwa go reetsa se badiri ba bosenyi kgatlhanong nabo ba neng ba se bua.
Lefapha la Tlhabololo ya Loago le eteletse pele Lenaneo la Maatlafatso ya Motswasetlhabelo le le ikaeletseng go tlisa batswasetlhabelo ba bosenyi kwa bogareng ba tsela ya bosiamisi ba bosenyi. Togamaano ya Thibelo ya Bosenyi ya Bosethaba e e tlhalosang tsibogo go kutlwalo ya bosenyi mo go motswasetlhabelo. Le fa e na le seabe e seng ka tlhamalalo mo phokotsong ya bosenyi, lebaka la yona le legolo ke go tsaya ka masisi matshwenyego a motswasetlhabelo. Go dumelwa ka kakaretso gore maatlafatso ya batswaditlhabelo e fokotsa tshosetso e kgolwane, e rotloetsa tirisanommogo le tirego ya bosiamisi ba bosenyi e tiisetsa maitsholo a seloago a a eletsegang, e dira jaaka mothibeledi go batlolamolao kana batlolamolao ba bokgoni le go tlhatlosa tshegetso ya sethaba mo tseleng ya bosiamisi ba bosenyi.
Kakanyo ya tirelo ya baagi e e gapelesegang, e e dirwang ke bao ba tshwentseng sethaba ka maitsholo a bona a bosenyi, e bona tumo mo Aforika Borwa. Tirelo ya baagi ke tiro ya dikumo, e e dirwang ke batlolamolao mo tshiamelong ya baagi ba ba amegang. E ka gapelediwa mo batlolamolaong ba ba atlholetsweng dinako tsa tlhokomelo ya tshiamiso ke dikgotlatshekelo tsa molao.
Go latela ditlhabololo dingwe go Molao wa Ditirelo tsa Tshiamiso ka 1995, komiti ya ditona ya bogare e ne ya bopiwa ka taolelo ya go lebelela ka tlhamalalo kwa phetogong tsela ya tlhokomelo ya ngwana le moa mo Aforika Borwa.
Mo go kwaleng dikaelo tsa phetogo ya tsela ya tlhokomelo ya ngwana le moa, komiti e tsitsintse gore: tlhagiso kwa bathong ba baa ba ba mo mathateng ka molao e tshwanetse go tsenyeletsa : tharabololo ya kgotlhang, kamego ya lelapa le baagi mo go direng tshwetso, boitapoloso le botsereganyi bo bo theetsweng mo baaging.
Go dirana le maitsholo a bosenyi ke morero wa loago o o marara o o ka se dirweng ka nonofo ya bosiamisi bo bo direlwang bo le esi. Go fodisa dintho tsa bosenyi go ntse go na le tirego e e tlamelang dithono tsa tetlanyo, puisano, therisano le go rarabolola mathata, le motswasetlhabelo le baagi kwa bogareng ba tirego. Lefapha la Ditirelo tsa Tshiamiso le ineetse go tsamaisa tirego, fela e ikaegile mo go tlhaloganyeng le tshegetso ya batho ba naga.
A re direng mmogo mo go fodiseng dintho tsa tshenyo.
A re direng mmogo go tlhola baagi ba ba babalesegileng.
A re direng mmogo go tlisa naga e e botoka.
Tshegetsa Bosiamisi ba Kagosea mme o gase lefoko.
E kokoantswe le go phatlaladiwa ke Bokaedi ba Ditirelo tsa Tlhaeletsano jwa Lefapha la Ditirelo tsa Tshiamiso - jaaka tirelo kwa sethabeng.
Bosiamisi ba Kagosea - Go tshola batlolamolao ba le maikarabelo mo batswasetlhabelong ka bosenyi ba bona.
Go tlisa batswasetlhabelo, batlolamolao le baagi mmogo mo go batleng ditharabololo tsa bosenyi.
Go godisa kagisano, boitshwarelano le pusetso mo go fodiseng dintho tsa bosenyi.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Botlhatlhobi jwa Boitekanelo le Pabalesego ya Meepo.txt</fn>
Inateseteri ya meepo mo Aforika Borwa ke ke motshwaedi o mogolo mo ikonoming ka bophara. Ka 2001, ntshokuno ya meepo e nnile le tshwaelo e kgolo ka tlhamalalo go feta diperesente di le 6 (6%) tsa Gross Domestic Product (GDP). Go ya pele, tlhagiso ya malatlha ke motswedi o mogolo wa maatla a a dirisiwang ke intaseteri ya Aforika Borwa e e tlhagisang motlakase, e le yona e leng moromedintle wa maatla. Godimo ga moo, dikuno tsa tshipi le tse e seng tsa tshipi di na le seabe se segolo mo intasetering ya kago le tshegetso ya kago le tlhokomelo ya mafaratlhatlha a naga.
Botlhatlhobi jwa Boitekanelo le Pabalesego ya Meepo (BBPM) bo rwele maikarabelo a tshireletso ya boitekanelo le pabalesego ya badiri ba kwa meepong le batho ba bangwe ba ba amiwang ke ditiro tsa meepo. Botlhatlhobi bo leka ka natla go fokotsa dikgobalo tsa kwa tirong le boitekanelo jo bo fokolang, mme ka jalo bo lemogile dikgwetlho tsa boitekanelo le pabalesego e intaseteri ya meepo e lebaganeng natso.
Go thata go lekanyetsa le go laola dikutlwalo tsa boitekanelo mo tirong ka ntlha ya gore bontsi jwa ditlamorago tsa boitekanelo ga di bonale ka bonako. Malwetse a mafatlha kwa tirong le le go latlhegelwa ke kutlo ke dintlha tse kgolo tse pedi mo lephateng la boitekanelo mo meepong tse di tlholwang ke go lebagana le dikgotlhedi le modumo mo pakeng e telele.
Lephata la meepo ya gouta e sa ntsane e le mothapi o mogolo mo intasetering ya meepo, ka jalo badiri ba lona ba ba leng mo kotsing ya mathata a khemo fa ba bapisiwa le mathata a mangwe a meepo. Bolwetse jo bo tshwenyanang thata mo meepong ya gouta ke silikhosisi, jo bo tlhagelelang mo mefuteng yotlhe ya meepo ya matlapa, go bula ditonele, go epa dikwari le go thuba matlapa, kwa go ntshiwang manathwana a silikhone.. Go nna gaufi le silikhone le go tshwarwa ke silikhosisi ke mabaka a a kotsi thata go ka baka bolwetse jwa mafatlha. Silikhosisi gape e sa ntsane e le tlhobaboroko e kgolo kwa meepong ya malatlha.
Modumo o ntse o tsewa jaaka bothata jo bogolo mo boitekanelong jwa badiri kwa intasetering ya meepo ya Aforika Borwa. Intaseteri e tsentshitse manaane a tlhokomelo ya kutlo (MTK) ka 1998, ka ntlha ya gore mekgwa ya tiro e e tlwaelegileng mo go ntsheng diminerale le dithulaganyo tsa tiro di ne di dira gore batho ba le bantsi ba nne gaufi le modumo go feta kelo e e amogetsweng ya pabalesego ya semolao ya 85 dB.
Le fa go dirisiwa manaane a tshomarelo ya kutlo (MTK), boenjeneri jwa taolo ya modumo le dikgato tsa tsamaiso go laola matshosetsi, bothata bo ntse bo le teng. Go kabakanyediwa gore magareng ga diperesente di le 68 le 80 tsa badirameepong ba lebagane le tekanyetso-nako-magareng(TNM) ya didesibele (dB) di le 85 kgotsa go feta, se se supang kotsi ya go latlhegelwa ke kutlo ga bontsi jwa badiri ba intaseteri.
Dikgwetlho tse kgolo tsa pabalesego ya badiri di mo meepong ya gouta le polatinamo. Mo dingwageng tse di mmalwa tse di fetileng, go epiwa ga polatinamo go oketsegile go utlwala, mme ga tlhola ditiro tse dintsi. Ka bomadimabe, se se tlhodile koketsego ya seelo sa dikgobalo. Mekgwa ya ga jaana e bontsha gore katiso le tlhokomelo mo lephateng la polatinamo ga e a lepalepana le kgolo.
Intaseteri ya meepo ya gouta e na le seabe se segolo mo dikotsing tse di amanang le meepo, segolo thata ka ntlha ya bontsi jwa badiri le sebopego sa matlapa. Le fa go na le phokotsego ya badiri mo meepong ya gouta mo dingwageng tse di mmalwa tse di fetileng, phokotsego e ga e bonale mo tokafatsong ya pabalesego mo pakeng yona eo. Le fa go ka nna le diphetogo tse di botlhokwa ka ntlha ya mefuta ya meepo e e leng teng le diphetogo mo maemong a a kotsi a meepo, maemo a a kotsi a, a meepo a batla tlhokomelo e kgolo le e e bokgoni.
Dipalopalo di bontsha gore ditiragalo tsa kgosomano ya mmu e sala e le karolo e kgolo ya dikotsi le setlhodi se segolo sa dintsho mo meepong ya Aforika Borwa. Tatlhegelo ya matshelo le bontsi jwa dikotsi tse di masisi tse ga jaana di diragalang mo intasetering di ka fokodiwa thata ka go tlhopha le go diragatsa maemo a a kwa godimo a ditegeniki tsa tlhokomelo.
Tiro ya tshireletsego ya meepo e mennye e ntse e le tlhobaboroko ka ntlha ya gore kelo ya tsona ya dikotsi e kwa godimo. Katiso e e lekanyeditsweng le didiriswa di lemogilwe fa e le mabaka a a tlholang dikotsi. Badiri mo lephateng le ba tlhoka thuso go netefatsa gore pabalesego ya meepo le dithulaganyo tse dintsi di a diriwa go tlamela tshegetso e e tlhokegang. BBPM e tshegetsa maiteko otlhe, jaaka tsweletso ya meepo e mennye. Kwa bokhutlong e na le seabe mo maitekong a go thibela HIV/AIDS. E tshegetsa matsholo a temogo le diporojeke tse di lebisitsweng kwa go fokotseng go nna teng ga HIV/AIDS mo intasetering ya meepo. Gape e ruanya Komiti ya Seraro ya HIV/AIDS mo lephateng la meepo.
Fa dikgwetlho tse di lebaganeng lephata la meepo di le dintsi, e bile di farologane, thulaganyo e e tiileng ya beng, e mo go yona badiri le mothapi le mmuso ba nang le seabe, thulaganyo e, e neela maitshetlego a a tiileng a go ka dirwang go tswa mo go ona.
Lefapha la Diminerale le Maatla (LDM) le tlamela taolo e e bokgoni ya diintaseteri tsa diminerale le maatla mo Aforika Borwa go netefatsa kgolo ya ikonomi le tlhabologo. Nngwe ya maikaelelo a bone ke go netefatsa gore diintaseteri tse di ke mafelo a a babalesegileng le a a itekanetseng. Botlhatlhobi jwa Boitekanelo le Pabalesego ya Meepo bo diragatsa maikarabelo a mo boemong jwa LDM, mme go lebilwe bone thata mo phasalatsong e..
Botlhatlhobi jwa Boitekanelo le Pabalesego ya Meepo (BBPM) bo theilwe go sireletsa boitekanelo le pabalesego ya badiri le batho ba bangwe kwa meepong. Ponelopele ya jone ke go diragatsa maikarabelo a jone seporofešenale, sentle le ka bokgoni go latela maemo a boitekanelo a a amogelesegang selegae le boditšhabatšhaba a boitekanelo le pabalesego.
BBPM, e e okametsweng ke Motlhatlhobimogolo wa Meepo, e na le ofisi e le nngwe ya bosetšhaba le diofisi di le robongwe tsa dikgaolo. Diofisi tse di wela ka fa tlase ga taolo ya Bokaedibogolo jo bo farologaneng.
Maikarabelo a ntlha a BBPM' ke go tlhatlhoba meepo, go sekaseka le go dira dipatlisiso mabapi le dikotsi le ditiragalo dingwe tsa boitekanelo le pabalesego, le go pateletsa kobamelo ya Molao wa Boitekanelo le Pabalesego ya Meepo (MBPM) No. 29 wa 1996, o maikarabelo a Botlhatlhobi bo ikaegileng ka one. Maatla a tiragatso ya BBPM a akaretsa ntlha ya kobamelo kgotsa dikitsiso tsa go tswalela, go duedisa dikotlhao tsa tsamaiso le dikatlanegiso tsa tshekiso.
Maikaelelo a BBPM ke go netefatsa go epiwa ga diminerale ka pabalesego mo maemong a a siameng a tiro.
Tshegetso ya maiteko go samagana le HIV/AIDS.
Tlhamo e e tokafetseng ya melawana morago ga ditherisano le beng botlhe mo intasetering.
Dikamano tsa seraro, tshekatsheko ya kotsi, boruni jo bo lolameng, ditlhatlhobo tsa semolao le tsa tlwaelo, dipatlisiso, le dipotsiso di botlhokwa mo go direng sentle ga Botlhatlhobi jwa Boitekanelo le Pabalesego ya Meepo. Le gale, Botlhatlhobi, bo tlhoka thuso ya meepo yotlhe go fitlhelela maikaelelo ka ntlha ya gore e tswela botlhe mosola.
MBPM ke akeronimi, mme e emela Molao wa Boitekanelo le Pabalesego ya Meepo, 29 wa 1996 ("Molao"). Ke motheo wa semolao wa taolo ya boitekanelo le pabalesego kwa tirong mo intasetering ya meepo ya Aforika Borwa.
Molao o theile BBPM. E eteletswe pele ke Motlhatlhobimogolo wa Meepo (MMM), yo o rweleng maikarabelo a go tsweletsa le go diragatsa kobamelo ya MBPM.
Badirameepong ba Mineworkers ba lebagane ke dikotsi tsa modumo, go reketa, mogote le serame, kgatelelo e e ipoeletsang ya tiro, dikhemikhale tse di kotsi, dire tse di ntshang diasiti, le lerole le digase tse di kotsi. Ba (badirameepong) tshwenngwa ke go se utlwe sentle, silikhosisi, nyumokhonosisi (bolwetse jwa matshwafo jo bo bakiwang ke go hema lerole) , mafatlha a magolo, asbestosisi le kankere ya matshwafo.
Ba mo kotsing tse di jaaka mmu o o gosomanang, thulaganyo ya dipalangwa le metšhini e e tsamayang, le gase e e tukang le lerole la malatlha. Dilo tse di tsaya matshelo ngwaga le ngwaga. Ka jalo go botlhokwa thata go laola boitekanelo kwa tirong le pabalesego mo meepong ya Aforika Borwa ka MBPM le melawana ya teng.
MBPM, 29 wa 1996 o eme boemong jwa thulaganyo e e neng e laola boitekanelo le pabalesego kwa tirong, e e tlhodilweng ke Molao wa Meepo le Tiro 3 wa 1911. Ona o ne wa salwa morago ke Molao wa Ditiro le 3 wa 1956 o o neng wa fedisiwa ka 1991. Taolo ya boitekanelo le pabalesego kwa meepong o e ya akarediwa ke Molao wa Diminerala wa 1991. Peomolao e e ne ya dira dintlha tsotlhe tsa taolo ya diminerala. MBPM o simolotse go tswa mo thulaganyong e e tseneletseng ya tshekatsheko ya pholisi e e simolotseng ke Khomišene ya Dipatlisiso ya Leon. Molao wa Boitekanelo le Pabalesego o ntse o le mo tirisong go tswa ka 15 Ferikgong 1997.
Khomišene ya Dipatlisiso ya Leon ke eng?
Khomišene ya Dipatlisiso ya Leon ka ga pabalesego le boitekanelo kwa intasetering ya meepo e ne e eteletswe pele ke Motlotlegi Motlhodi R.N. Leon. Maikaelelo a yona e ne e le go tlhotlhomisa taolo ya semolao ya boitekanelo le pabalesego mo intasetering ya meepo le go dira dikatlanegiso tse di yang kwa go poresidente wa Naga. Di ne di akaretsa tokafatso ya melawana e e leng teng le go tsenngwa tirisong ga yone go ya ka maemo a boditšhabatšhaba le maemo a a leng teng mo intasetering. Khomišene e supilwe ka Motsheganong 1993. e ne ya nna le ditheetso ka Phatwe le Lwetse 1994, mme ya phasalatsa pegelo le dikatlanegiso ka Moranang 1995.
MBPM e ikaelela go sireletsa boitekanelo le pabalesego ya badiri le batho ba bangwe mo meepong jang?
gatelela tshwanelo ya go gana go dira mo maemong a a kotsi; le diragatsa maikarabelo a molao wa Aforika Borwa boditšhabatšhaba.
A phimolakeledi ya go gobala mo tirong ga badiri le yona e laolwa ke peomolao?
Ee. Molao wa Phimolakeledi ya Malwetse a kwa Tirong 130 wa 1993 (MPMT), o o diragadiwang ke Lefapha la Bodiri, o tlamela thuso ka melemo, tuelo ya nakwana ya badiri ba ba nang le bogole jwa nakwana le tuelo ya kompa ya madi kgotsa tuelo ya diphenšene go badiri ba ba golofetseng leruri. Molao wa Malwetse a kwa Tirong le kwa Meepong 1973 (MMTM) o diragadiwa ke Lefapha la Boitekanelo. Ona o phimola dikeledi tsa badirameepong ba ba tshwenngwang ke malwetse a khemo, segolo thata nyumokhoniosisi le asebesetosisi.
Go latela Boitekanelo le Pabalesego ya Meepo, a go na le peomolao ya tlaleletso e e amanang le intaseteri ya meepo?
MBPM, e e leng peomolao e kgolo ya go laola boitekanelo jwa kwa tirong le pabalesego kwa meepong, e neela Tona dithata tsa go tlhama letlhomeso la taolo. Dintlhakgolo tsa yona ke melawana, le dikaelo tsa melawana ya taolo. Letlhomeso la taolo le tlhamilwe go fitlhelela maikemisetso a Molao le go rulaganya ditlhokego tsa teng. Go latela karolo 80 Tona a ka nne a dirisa melao e mengwe kwa moepong morago ga go buisana le Khansele ya Boitekanelo le Pabalesego kwa Meepong le go e phasalatsa mo Kaseteng ya Mmuso. Ka dipuisano le Tona ya Boitekanelo le KBPM, Tona le ena a ka nne a tlaleletsa mo MBPM Šedulu go sekega kgotsa go fetola Molao wa Malwetse le Ditiro kwa Meepong, (Molao No. 78 wa 1973), ntle le dikamano tsa tlhomamiso kgotsa tuelo ya phimolakeledi. Go na le Melao e mengwe e e amanang le intaseteri ya meepo, sekai molao wa Metsi le Molao wa Dithunyi. Le gale , Melao e, e kwa ntle ga se maikarabelo a phasalatso e.
Ditshwanelo le maikarabelo a batho ba ba dirang kwa meepong ke dife?
Molao o gatelela ditshwanelo tsa botlhokwa tsa modiri tse di amogelesegang lefatshe lotlhe mo mofameng wa boitekanelo le pabalesego. Tsona ke go nna le seabe mo boitekanelong le pabalesego, tshwanelo ya go amogela tshedimosetso ka ga boitekanelo le pabalesego, tshwanelo ya go bona katiso le tshwanelo ya go ikgogela morago mo go nang le kotsi mo lefelong la tiro. Dikaelo tse di feleletseng di tlamela go tlhophiwa le go dira ga baemedi ba boitekanelo le pabalesego le dikomiti kwa meepong. Molao o gatelela maikarabelo a botlhokwa mo bathong kgotsa batho ba bangwe ba ba amiwang ke ditiro tsa kwa meepong.
BBPM e tlhamilwe jang le gore jang?
E tlhamilwe morago ga katlanegiso ya Khomišene ya Dipatlisiso ya Leon ka ga maemo a boitekanelo le pabalesego kwa meepong ya Aforika Borwa . MBPM (no 29 wa 1996) o theile BBPM e le lephata le le ikemetseng la tsamaiso fa gare ga DME.
Goreng BBPM e le lekala le le kwa thoko?
Khomišene ya Leon le mekgatlho e e nang le kgatlhego e neetse ditlhagiso kwa dikopanong tsa patlisiso, ka kakaretso ya lemoga gore botlhatlhobi jwa meepo bo farafarilwe ke ditiro tse dingwe tse di sa amaneng le boitekanelo le pabalesego ya badiri. Go ne ga romelwa katlanegiso ya gore BBPM, ka tsepamo mo mabakeng a boitekanelo le pabalesego kwa meepong, e theiwe.
Kwa ntle ga BBPM, a na MBPM e tlhoma ditheo tse dingwe?
Bothati jwa Borutegi jwa Meepo (BBM).
Ditheo tse tharo tsa boemedi di theilwe go tsweletsa setso sa boitekanelo le pabalesego, go tlhabolola melawana le go okamela bobatlisisi jwa boitekanelo le pabalesego. Sa ntlha ya ditheo tse, KBPM, e eletsa Tona ka ga maemo a boitekanelo le pabalesego ka Motlhatlhobimogolo wa Meepo (MMwM), fa dikomitipotlana tsa yona tse tharo (MRAC, MOHAC and KDMPM) di eletsa Khansele ka ga melawana, boitekanelo kwa tirong, le bobatlisisi ka ga boitekanelo le pabalesego ka tatelano.
BBM bo tlhokega go eletsa Tona mo mabakeng a thuto le katiso, le go tlhama maemo thuto le katiso go ya ka Molao wa Tlhabololo ya Bokgoni.
Tlhabololong le phetolo ya intaseteri ya meepo.
Intasetering e e babalesegileng, ya boitekanelo, ya ntshokuno le e e gaisanang.
Tsweletso ya phitlhelelo ya thuto e e nang le boleng le katiso ya botlhe.
Paakanyo ya go tlhoka tekatekano ya thuto le katiso.
tlhabololo ya Maemo a Diyuniti le borutegi jwa Lephata.
tshegetso ya boleng jwa Maemo, Borutegi le Tlamelo ya Go Ithuta.
tlhabololo le Tiragatso ya Leano la Bokgoni jwa Lephata.
phaslatso ya diketleetso go tswa Lekgethong la Tlhabololo Bokgoni.
tlhomo, kwadiso, tsamaiso le tsweletso ya Dithuto le Ithutelotirong.
Lereo "seraro" le akaretsa eng?
Lereo le, le tlhalosa beng ba ba bebofatsang ditheo (puso, badiri ba ba rulaganeng le bathapi) le go nna le seabe ga bone mo tlhamong ya peomolao le go tsaya ditshwetso. Ditshwetso tse di tshwaraganetsweng kgotsa morago ga ditherisano le beng di tla amogelwa ke bontsi.
Tsweletso ya Lenaane la Boitekanelo le Pabalesego kwa Meepong e netefatsa go rafiwa ga diminerale ka pabalesego ka fa tlase ga maemo a a siameng a tiro, fa Lenane la Tlhabololo ya Diminerale le tsweletsa go rafiwa le tiriso e e siameng ya diminerale. Kwa bokhutlong, Lenane la Tlhokomelo ya Maatla le tlhabolola didiriswa tsa maatla le go tsweletsa ya ona ka botlalo.
BBPM e dira eng fa gare ga Lefapha la Diminerale le Maatla (LDM)?
Go laola diintaseteri tsa diminerale le maatla go nna mafelo a a bolokesegileng le a a itekanetseng.
Go tlhama le go diragatsa pholisi ya diminerale go netefatsa tiriso ya maemo a a kwa godimo a didiriswa tsa diminerale le maatla.
Go baakanyetsa intaseteri ya diminerale le maatla bogaisani jwa lefatshe ka bophara.
Go nna le seabe mo tlhabololong ya leruri ya diminerale le maatla.
Go itepatepanya go sa lekalekaneng ga kgale le go tsweletsa kabosešwa ya dipoelo ka tekatekano go tswa mo tirisong ya diminerale le maatla.
Ka jalo, go ka twe Botlhatlhobi, jaaka karolo ya LDM bo rwele maikarabelo a go amogela maikemisetso a mmuso ka ikonomi go tshegetsa diintaseteri tse di bokgoni le tse di ka gaisanang.
BBPM e diragatsa peomolao. E botlhokwa fela jaaka MBPM, jaaka boleng jwa peomolao e e siameng gantsi e timela fa puso e retelelwa ke go tlamela tiragatso ya molao e e bonalang.
netefatsa gore dikaelo tsa MBPM No.
tlhokomela maemo a boitekanelo le pabalesego kwa meepong; le nna le seabe mo thulaganyong ya mabaka a boditšhabatšhaba le ditlhabololo tsa peomolao le go netefatsa gore maikarabelo a molao wa boditšhabatšhaba wa Aforika Borwa a a amanang le boitekanelo le pabalesego a a diragadiwa.
Maikarabelo a botlhokwa a BBPM ke afe?
Maikarabelo a botlhokwa a BBPM ke go sekaseka meepo, go batlisisa le go botsolotsa tebang le dikotsi le ditiragalo tse dingwe le go netefatsa kobamelo ya Molao.
In mo tlaleletsong ya ditlhatlhobo tsa ka gale tsa meepo, go tlhokega gore Botlhatlhobi bo dire eng?
neelana ka dipalopalo tse di nepagetseng tsa dikotsi; mme thusa ka tlhomamiso ya makgetho.
Maikarabelo a botlhokwa a ntlokgolo ya BBPM ke afe?
Ntlokgolo ya BBPM e na le maikarabelo a go supa tsela ka go tsamaisa, taolo le go ikgolaganya le Botlhatlhobi jwa Kgaolo. Gape Ntlokgolo ya BBPM e rwele maikarabelo a tlhabololo ya pholisi le peomolao, e bile e fokotsa dikaelo tsa Melawana ya Tiriso, le dikwalo dingwe tsa intaseteri.
Maemo a Motlhatlhobimogolo wa Meepo (MMM) ke afe?
Molao o neela Tona maatla a go supa Motlhatlhobimogolo wa Meepo (MMM) jaaka motlhankedi yo mogolo mo BBPM. MMM o diragatsa maikarabelo a semolao ka fa tlase ga tlhokomelo le taolo ya Tona.
tlhomamisa le go tsenya dipholisi tirisong go tsweletsa boitekanelo le pabalesego mo intasetering ya meepo eletsa Tona ka ga boitekanelo le pabalesego kwa meepong baakanya dikaelo tsa melawana ya maitsholo phasalatsa lenane la ngwaga la ditiro tsa Botlhatlhobi.
kokoanya, rulaganya le go phaslatsa tshedimosetso e e amanang le boitekanelo le pabalesego kwa meepong.
wetsa pegelo ya ngwaga le ngwaga ka ga ditiro BBPM go e neela Tona.
Maikarabelo a Bokaedibogolo ke afe?
Makala a mararo a Bokaedi-bogolo kwa ntlokgolo, ka kgolagano le MMM a rwele maikarabelo a go tlhabolola kaelo ka kakaretso, go rulaganya le go laola lenane la Boitekanelo le Pabalesego ya Moepo gammogo le go tlhoma pholisi ya maemo a boitekanelo le pabalesego a meepo.
Batlhatlhobibogolo ba bararo ba Meepo ba laola boitekanelo le pabalesego kwa meepong ya dirašwa tse kgolo ka Bokaedi jwa gouta le Polatinamo, Malatlha le meepo e e kgakajana le lebopo le meepo e mengwe. Maphata a mararo a Bokaedibogolo le ona a na le diofisi tsa kgaolo di le robongwe ka fa tlase ga tlhokomelo ya one, taolo le go ikgolaganya le yone. Bokaedi jo bo Kgethegileng jwa Pabalesego ya Meepo, Didiriswa tsa Meepo, Bophepa kwa Tirong, Melemo kwa Tirong le Bolekanyetsi le tsona di wela ka fa tlase ga Bokaedi jo.
Bokaedibogolo (dirašwa tse kgolo) di bapisiwa jang go ya ka boitekanelo le pabalesego?
Dipalo tse di bonwe go tswa go Mokomisinara wa Phimolakeledi.
Intaseteri ya meepo ya gouta e na le seabe se segolo se se tlholang dikotsi tse di amanang le meepo ka ntlha ya tiro e e boitshegang le jeoloji. Bontsi jwa mafelo a tiro a dimitara tse di fetang 3000 kwa tlase ga lefatshe, mme jaaka moepo o ntse o ya kwa tlase segolo thata mo pakeng e telele, go phatloga ga matlapa go tsile go nna le seabe mo go nneng masisi ga dikotsi.
Godimo ga moo, ditlamo tsa meepo di akanya thata ka go epa masalela a go fitlha jaanong a ntseng a sa siamela ikonomi. Tsona di akaretsa dipilara tsa in-situ, tse di itsegeng thata ka go tlhagisa dikotsi tse di golaganngwang le ntsho. Dithulelo tse di phatlhogileng, kgatelelo e e kwa godimo ya matlapa le mathata a a golaganngwang le go tlhola go tsena ga mowa mo dikgaleng tse ditelele mo mafelong a go dirilweng meepo mo go ona, ke mangwe a mathata a a tlhagelelang gangwe le gape mo meepong ya gouta.
Fa dikgobalo kgotsa dintsho tsa tshoganyetso e le ditlamorago tse di boifiwang thata tsa meepo ka kakaretso, netefatletso ya ngwaga le ngwaga ya nyumokhonosisi le mathata a mašwa a mafatlha a magolo mo beeping ba gouta a feta palo ya ngwaga ya dikgobalo tse di begiwang mo setšhabeng se. kgale go itsiwe gore go hemela silika le silikosisi go oketsa dikotsi tsa mafatlha a magolo kwa meepong. Leroborobo la HIV le okeditse leso ka go go oketsa kotsi ya mafatlha mo beeping ba ba nang le HIV. Leso fa o santse o tsaya kalafi ya mafatlha a magolo, ka ntlha ya bolwetse ka nosi kgotsa ka ntlha tshwaetsego dingwe tse di amanang le HIV, ga jaana ke ntlha e e tlwaelegileng e e tlholang bothata magareng ga baepi ba gouta, mme le feta seelo sa leso ka ntlha ya dikotsi.
Phimolakeledi e e dueletsweng malwetse a matshwafo go badiri le badiri ba pele kwa intasetering ya meepo ya gouta e tswelela go nna kwa setlhoeng. Intaseteri ya meepo ya gouta ke mothapi yo mogolo wa badiri kwa intasetering ya meepo ke ka moo e tshwanetseng go tokafatsa maemo a tiro go tlamela tikologo e e itekanetseng ya tiro go badiredi ba yona. BBPM e na le seabe se segolo mo thibelong ya malwetse a matshwafo ka go tlhatlhoba le ka tiragatso ya Molao le melawana ya teng.
Bongwe jwa mathata a ka gale le a magolo a boitekanelo kwa tirong jo bo fitlhelwang ke koketsego ya tatlhegelo ya kutlo ka ntata ya modumo. Meepo ya gouta, ka ntlha ya bontsi jwa badiredi ba yone, e na le badiri ba bantsi ba ba lebaganeng le modumo o o kwa godimo. Se se baka tshenyego ya disele tse di bokowa tsa moriri tsa tsebe e e kwa teng gammogo le mothapo wa kutlo. Tatlhego ya kutlo e e bakiwang ke modumo e ka thibelwa ka tiriso e e tlhomameng ya sesireletsakutlo tse di jaaka dipolaka tsa ditsebe le sesireletsa-tsebe.
Bothata bongwe jo bo golaganngwang le meepo ya gouta ke jwa phasalalo. Matlapa otlhe le mebu e na le diponagalo tsa go nna teng ga phasalalo ya tlhago, yuraniamo le thoriamo. Go nna teng ga tsona mo bathong, gammogo le phasalalo e e tsenelelang mo lefatsheng le cosmogenic radionuclides di tlholwa ke phasalalo e, ka gale e nnile motswedi wa phasalalo go ya kwa bathong.
Ditiro tse di amanang le didiriswa tsa tlhago, segolo thata meepo le thulaganyo ya dimenerala, di okeditse go nna mo kotsing ya phasalalo ka tlhago. Go nna teng ka bontsi ga yuraniamo le/kgotsa thoriamo mo gouteng e e nang le ore di dintsi thata go feta maemo a a mo magareng mo bogogong jwa lefatshe. Nako nngwe yuraniamo le thoriamo di ntshiwa jaaka dikungwana tsa gouta.
Se se baya meepo ya gouta ka fa kgatelelong fa e bapisiwa le meepo e mengwe. Mo mabakeng a mangwe, diponagalo tse di okeditsweng tse di botlhokwa mme di tlhoka go laolwa go kgona go ka sireletsa boitekanelo jwa badiri le setšhaba. Gape go na le phasalalo e e bakiwang ke ditiro tsa kwa meepong le madirelo a dikoloi.
Bontlhabongwe jwa phasalatso mo teng ga Bokaedi jwa Sejo le Badiri e nnile phokotsego e e bonalang mo badiring kwa meepong ya meepo ya gouta mo sebakeng sa dingwaga tse di fetileng di le kae mo dingwageng tse di mmalwanyana tse di phokotsego e ga e bonagale mo tokafatsong ya tlhabololo ya boitekanelo gone mo pakeng e.
Mosola wa BBPM mo tiragatsong ya peomolao mo meepong ya gouta ka jalo e botlhokwa ga jaana, fela o botlhokwa thata mo malatsing a a tlang go netefatsa gore o a obamelwa mme ka go dira jalo, o tokafaditse maemo.
Mo dingwageng tse di mmalwa tse di fetileng, tlhagiso ya polatinamo e oketsegile thata, ka palo e e nyalelanang mo koketsegong ya badiri ba ba thapilweng. Ka bomadimabe, se le sona se ne sa golagannwa le koketsego ya palo ya dikotsi.
Dikakanyetso tsa boejeniri jwa matlapa di botlhokwa mo go epeng polatinamo, fa kgosomano ya matlapa e tlholang bontsi jwa dikotsi. Kgosomano mo intasetering ya polatinamo, le gale, ga e na seabe go le kalo mo palong ya dikotsi tse di amanang le matlapa jaaka mo go epeng gouta. Kgosomano gantsi e mo maemong a kgatelelo ya thunyo ya matlapa.
Koketsego ya ntshokuno ya polatinamo e tla le maikarabelo a mothapi go netefatsa gore katiso e e maleba. Dikotsi mo mofameng o di kwa godimo, se se bontshang tlhaelo kgotsa tlhokagalo ya katiso. Koketsego ya dikotsi le dintsho kwa intasetering ya meepo e supa sentle gore BBPM e na le seabe se se botlhokwa, e tshegediwa ke intaseteri.
Lephata la meepo ya malatlha le dira ka thata ka metšhini. Se se raya gore bontsi jwa batho ga ba a lebagana le dikotsi tse di ka amang boitekanelo le pabalesego ya bone. Seelo sa dikotsi tsa dintsho mo lephateng la malatlha di fokotsegile mo dingwageng tse di mmalwa tse di hulereng, mme jaanong di fitlhile mo maemong a a ka tshwantshanngwang le a boditšhatšhaba. Ke phitlhelelo e re tshwanetseng go ipela ka yona, mme kgwetlho ya intaseteri ya meepo ke go tokafatsa tiro e.
Se se tshwenyang, le gale, ke peresente ya batho ba ba mo kotsing ya dikgotledi tse di mo moweng. Go tswelela go nna teng ga dikgotledi tse di mo moweng tse di jaaka lerole la malatlha di ka baka malwetse a matshwafo a a jaaka nyumokhoniosisi ya badiri ka malatlha. Nyumokhoniosisi ya badiri ka malatlha e tlholwa ke go hemelwa teng ga lerole la malatlha ka bontsi mo sebakeng sa dingwaga di le 10-15, mme kwa bofelong le senye matshwafo ka faeborosisi (go kitlana ga mesifa) le emfaesema (go gola ga dikgetsana tsa mowa tsa matshwafo).
Diintaseteri tsa taemane ya lebopo le tsa peteroliamo mo Aforika Borwa di tsenya dithumi tsa mafelong a a kotsi a go direla, jaaka pono e e bokowa, makhubu a a tsamayang ka fa tlase ga metsi, go tshwarwa ke dirai le dikgobalo, le malwetse a methalethale a go thuma jaaka bolwetse jwa khunyelo le baroteroma ya methapo ya pelo.
Ditiro tsa lebopo di akaretsa le diporojeke tsa tshenko. Diporojeke tse di supa gore go sa ntsane go tlhokega go tsenngwa ga didiriswa tsa thuto le katiso, ka ntlha ya gore batho ba bantsi mo nakong e e tlang ba tlabo ba lebagane le dikotsi tsa boitekanelo le pabalesego fa go epa go simololwa kwa mafelong a, a go popola..
Meepo e mengwe e akaretsa diintaseteri tse dinnye jaaka tsa taemane, tshipi le kheroumu, letsopa, motlhaba le kalaka. Kwelotlase ya seelo sa dikgobalo le dintsho mo meepong e, e ka tswa e le ka ntlha ditiro tse ntšhwa le tse dinnye, tse di nang le seabe mo koketsegong ya badiri ba ba mo kotsing.
Mabaka a bolwetse jwa kwa tirong le ona ke tlhobaboroko mo meepong e mengwe. Sekai, Asebesetosisi e sa ntsane e le bothata, le fa meepo ya asebesetose e sa tlhole e dira mo Aforika Borwa. E e neng e le teng e tlogetse bothata jwa dikgaolo tse di ka se tlholeng di tsosoloso.
Le gale, go sa ntsane go na le tiro e ntsi e e tshwanetseng go dirwa go netefatsa gore nna mo kotsing ya ditlhale tsa asebesetose go tswa mo meepong e ya bogologolo e tlositswe gotlhelele. Ditlhale tsa asebesetose tse di hemetsweng teng ga di ka ke tsa tlhatlhamololwa ke ditshireletsi tsa mmele, mme go tlhola bolwetse jo bo tswelelang le jo bo tshosang jwa mafatlha. Go ketefala le go tshoga go thibela okosijene le khabontaokosaete go tsamaya magareng ga dikgetsana tsa mowa tsa matshwafo le go tsena mo kelelong ya madi, mme ka jalo go hema go nna boima. Thulaganyo ya go ruruga e tswelelapele le morago ga ga go emisa ga kotsi ya ditlhale tsa asebesetose. Ka jalo BBPM e tsaya matsapa a go netefatsa tsosoloso e e bokgoni ya dikgaolo tse.
Maikaelelo a Bokaedibogolo jwa Meepo e mengwe ke go sireletsa boitekanelo le pabalesego ya batho ba ba amilweng ke intaseteri ya meepo mo Aforika Borwa ka go tshegetsa maemo a a amogelesegang le a a gaisanang le a a tlhomilweng le go fitlhelelwa boditšhabatšhaba. Bo dirisana le batho botlhe ba ba nang le seabe go netefatsa gore peomolao, dipholisi tlhotlhomiso ya boleng di a diragadiwa.
Ditiro tsa Bokaedi jo bo Kgethegileng ke eng?
Maikarabelo a mangwe a tsamaiso.
Bokaedi jo bo Kgethegileng bo rwele maikarabelo a go thusa diofisi tsa dikgaolo go diragatsa ditogamaano tsa botsamaisi go netefatsa bokgoni jwa bone.
Bokaedi jwa Pabalesego ya Meepo bo dira dithuno segolo, bo thusa mo patlisisong ya dikotsi, mme bo tlamela dikgaolo le ntlokgolo ka tshegetso ya setegeniki. Gape bo nna le seabe mo dikomiting tsa seraro. Tshegetso ya setegeniki e akaretsa ditlhatlhelelo ka ga dikaelo le dikgakololo ka ga peomolao e ntshwa, melawana le ditlhokego, gammogo le thekenoloji e ntšhwa.
Bokaedi jwa Pabalesego ya Meepo bo na le dikarolo tse tharo tsa bokaedipotlana, tse di rweleng maikarabelo a pabalesego ya meepo mo mefameng ya Meepo ya Malatlha, Meepo ya Deep Level Metalliferous, le Meepo e mengwe. Bokaedi jo bo tlhokometse le Dithunyi, Boenjeneri jwa Matlapa le Katiso ka tatelano.
Bokaedi jwa Pabalesego ya Meepo bo itebagantse le mathata a isaagwe a go ka rakanwang nao mo pabalesegong ya meepo. Go itebagantswe le Moepo wa gouta wa Deep level ke one o o tshwenyang fa e sale koketsego ya go epa dipilara le masaledi kwa botennye di tla baka mathata a tlhomamo le maemo a a kotsi a tiro. Bokaedi bo tshwaragane le dipatlisiso le diporojeke tse di kgethegileng jaaka Porojeke ya Deep Mine go samagana le bothata.
Maiteko a mangwe a Bokaedi jwa Pabalesego ya Meepo ke Khomišene ya Rockburst, e e itebagantseng le Mekgwa ya Tiro ya Meepo le kobamelo ya Dikaelo tsa Thibelo ya Go Wa ga Matlapa le dikotsi tsa kwa Rockburst. Bokaedi jwa Pabalesego ya Meepo bo na le seabe mo porojekeng ya Coaltech 2020. Godimo ga moo, meepo e mešwa e mennye ke metswedi ya dikotsi ka ntlha ya gore badiri ga ba na maitemogelo a a lekanetseng , e bile ga ba na kitso ka ga MBPM le Melawana ya teng. Ka jalo e anamisa kitso ya Molao le go tlamela meepo e ka tshegetso ya setegeniki ka go runa dithulaganyo tsa yona tsa dikotsi le go neela maele a tokafatso ya yona.
Bokaedi jwa Pabalesego ya Meepo bo na le seabe se se botlhokwa mo go direng ga Komiti ya Patlisiso ya Maele a Pabalesego ya Meepo (KDMPM), e e leng nngwe ya dikomiti tsa leruri tsa keletso ya Khansele ya Boitekanelo le Pabalesego ya Meepo (KBPM). Mo godimo ga go eletsa KBPM ka ga tlhomamiso ya dikgobalo kwa meepong, le tlhokego ya dipatlisiso ka ga boitekanelo le pabalesego kwa meepong, KDMPM le yona e rulaganya lenane la ngwaga le ngwaga la le le tshwanetseng go sekasekwa ke Khansele. Sešweng jaana, KDMPM e sweditse go bebofatsa le go tsweletsa tlhaeletsano ya kitso, phetisetso ya thekenoloji le tataiso ya tiragatso ya ditharabololo tse di tla lebisang kwa tokafatsong ya go dira le maemo a Boitekanelo le Pabalesego kwa tirong.
Bokaedi jwa Didiriswa tsa kwa Meepong bo thusa ka tlhabololo ya peomolao le maemo, a a amogelwang selegae le boditšhabatšhaba go sireletsa boitekanelo le pabalesego ya badirameepong. Gape bo netefatsa gore maemo a boenjeneri a a tshegetswa, mme ka jalo bo nna karolo ya Mokgatlho o o Tlhagisang Maemo.
Bo dirana le diporojeke tsa dipatlisiso go netefatsa gore go na le mekgwa e e siameng go ka dirisiwa kwa meepong. Dingwe tsa diporojeke tse tsa boenjeneri di akaretsa dipatlisiso ka ga dithulaganyo tsa mabanta a thebolelo, dipalangwa tsa tiro tse di dirisetswang go tsamaisa batho ka fa tlase ga lefatshe le erekonomikisi (thuto ya bokgoni jwa batho mo mafelong a bone a tiro) ya go tlhama dirori mo meepong ya Aforika Borwa. Go tlaleletsa, Bokaedi bo laola ditlhatlhobo tsa Disetifikeiti tsa Bokgoni tsa Baenjeneri, Bakgweetsi ba Dikokopane le Bakgweetsi ba Dirori tsa Diejene.
Tlhotlhomiso ya Meepo, ditirelo tsa bothalommapa le botorogi di tlhokometse maemo a botlhotlhomisi jwa maemo le ditiro tsa meepo ka maikemisetso a go tsweletsa mokgwa wa pabalesego le boitekanelo; tiriso e e bolokesegileng ya lefatshe le le sa epiwang thata ka maikaelelo a go lere ditlhabololo; gammogo le tiriso e e bolokesegileng le tiriso ya diminerale ka botlalo. Maikarabelo a mangwe a botlhokwa ke go lemoga dikotsi le taolo ya tsona ka go katisa badiri ba bašwa.
tshimololo ya dipatlisiso le tlamelo ya dikatlanegiso tse di amogelesegang go ya ka saense go sireletsa badiri; le kgokaganyo ya dipatlisiso tsa melemo ka direkhoto tsa boitekanelo kwa tirong go ya ka melemo ya kwa tirong.
Bokaedi jwa Boitekanelo kwa Tirong gape bo amega mo go kwaleng maemo le peomolao, gammogo le go tlhamiwa ga pholisi. Bo tlamela dikgaolo ka keletso e e kgethegileng le go di thusa ka dipatlisiso le dipotsolotso tse di kgethegileng. Bokaedi jwa Boitekanelo jo bo kgethegileng bo a runa, bo sekaseka Batlhatlhobi ba Dikgaolo, bo tlamela katiso, bo lemoga ditlhabololo tsa thekenoloji kwa intaseteriing ya go epa le go netefatsa gore matshosetsi a tlhokomelwa ka botlalo. Gape bo dira mo mekgatlhong ya semolao, bo dirisana le setšhaba le ditlamo tsa meepo, bo netefatsa tshireletso tebang le didiriswa tsa khemo le go dira dipatlisiso.
Bokaedi jwa Boitekanelo bo dirisana Komiti ya Keletso ya Boitekanelo kwa Meepong (KKBM), e e eletsang Khansele ya Boitekanelo le Pabalesego kwa Meepong (KBPM) ka ga dintlha tsa boitekanelo. Dintlha tsa go nna jaana di akaretsa pholisi le melawana e e amanang le boitekanelo, dithulaganyo tsa maemo le dithulaganyo tsa tshekatsheko, kgathologo, tloso, taolo le phokotso ya matshosetsi a boitekanelo, dipatlisiso tsa boitekanelo, le kokoanyo, tiragatso le phasalatso dintlha tsa boitekanelo kwa intaseteriing ya meepo.
Kalafi kwa Tirong e ka ga thibelo, tlhatlhobo ya go sale gale, kalafo le phekolo ya bolwetse, kgobalo le ditlamorago tse di masisi tse di golagangwang le mofuta o o rileng wa tiro.
Maikemisetso s Bokaedi jwa Kalafi ka jalo ke go tlamelo ditlhatlhobo tsa melemo tsa maemo a a kwa godimo mo lefatsheng le dithuno tse di ikaeletseng go fedisa dikotsi le dikgobalo tsa kwa tirong ka go dirisa mekgwa e e leng teng e e siameng, ka maikaelelo a go tsweletsa le go sireletsa matshelo a badiri botlhe mo intasetering ya meepo.
Bokaedi jwa Kalafi kwa Tirong bo laola Bokaedi jwa Kalafi kwa dikgaolong tse di farologaneng. Bo baakanya maemo peomolao e e amanang le tsa boitekanelo, bo nna le seabe mo go direng dipatlisiso le go laola sefalana sa malwetse a kwa tirong (SAMODD), se se tshotseng tshedimosetso le dipoelo ka ga boitekanelo tse di tswang kwa meepong.
Batlhatlhobi ba dira dithuno go tshwaela mo maikemisetsong a bokaedi a go diragatsa le go mametlelela MBPM. Ka jalo batlhatlhobi ba sekaseka maemo a tikwatikwe ya boitekanelo kwa tirong le didiriswa tsa tshoganyetso, direkhoto tsa kalafi (ditlhatlhobo tsa ntlha, tsa paka e e rileng le ditlhatlhobo tsa go tswa), le dipegelo tsa ngwaga le ngwaga tsa melemo. Gape ba netefatsa gore tiragatso ya tshekatsheko ya melemo e mo maemong a a siameng.
Bokaedi bo golaganya tshekatsheko ya melemo le direkhoto tsa maphelo go ithuta ka ga matlalo go tlhotlhomisa ditshekamelo. Gape bo thusa ka dipatlisiso tse di kgethegileng le dipotsolotso, bo tlhabolola bokgoni jwa badiri, le go tsweletsa boitekanelo le kitso ka ga HIV/AIDS . tshomarelo ya direkhoto tsa kalafi fa meepo e tswalwa ke bontlhabongwe jwa maikarabelo a Bokaedi.
Bokaedi jwa Kalafi kwa bo lemogile meepo e mennye le meepo e e kwa metsemagaeng e e kgakala jaaka mafelo a mathata. Meepo e ga e kgotsofatse ditlhokego tsa Molao tsa go dira dipatlisiso ka ga melemo le tshegetso ya tshekatsheko ya melemo. Tlhokego ya matlole le badiri ba Boitekanelo le Kwa tirong ke mabaka a a tlholang go retelelwa ke go kgotsofatsa ditlhokego.
Ka ntlha ya koketsego ya kitso ya badirameepong ka ga maemo a a kotsi, Bokaedi jwa Kalafi kwa Tirong bo na le seabe se se botlhokwa mo tshireletsong ya boitekanelo le pabalesego ya batho ba ba amilweng ke ditiro tsa kwa meepong.
Tshegetso ya Tsamaiso le Taolo ya ka fa Teng (TTTT) e tlamela BBPM ka tsamaiso le tshegetso ya setegeniki. Tirelo e e akaretsa tlamelo ya tsamaiso ya matlole, tsamaiso ya disetifikeiti tsa bokgoni, tsamaiso ya sekema sa Dikabo tsa Boitekanelo jwa kwa Meepong le Kabelo ya tshireletsego ya khansele, dineelo tsa Komiti ya Taolo le dikatlanegiso tsa Boto ya Dithenere le tsamaiso ya dikotlhao. Bokaedi jo gape bo rwele maikarabelo a tlhabololo le tiragatso ya peomolao, gammogo le tsamaiso ya Thulaganyo ya Dipalopalo tsa Dikotsi tse di Begegang kwa Meepong ya Aforika Borwa (TDDBMAB), e e rekhotang dipalopalo tsa tiro ya pabalesego ya intaseteri. Dipalopalo di ikaegile segolo thata ka dintlha tse di kokoantsweng ke Biro ya Diminerale go tswa mo dipegelong tse di tswang kwa meepong.
MSIC gape e thusa ka tlamelo ya ditirelo go Botlhatlhobibogolo jwa Meepo (BBM) le maloko mangwe a magolo a Botlhatlhobi.
Kgokaganyo le tiragatso ya MBPM ka go tlhama peomolao e e akaretsang.
Tlamelo ya ditirelo tsa setegeniki le tsa tshegetso ya MMM gammogo le Bathusa Batlhatlhobibagolo ba Meepo.
Tlhabololo le tiragatso ya dithulaganyo le mekgwa ya tiriso ke BBPM jaaka go batliwa ke dikaralo tse di farologaneng tsa MBPM.
Go dira mo dikomiting tse di farologaneng tsa seraro tse di tlhomilweng ke MBPM.
Kgokaganyo ya ditiro tsa kgaolo tsa Motlhatlhobimogolo kwa go botshiwang dilo tse di itlhametsweng tsa meepo e e farologaneng tsa Pabalesego le Boitekanelo.
Go dira mo dikhomišeneng tse di farologaneng tsa batlhatlhobi ba disetifikeiti tsa bokgoni.
Thulaganyo e e tlang mo dingwageng tse pedi ya Kopanokgolo ya Boitekanelo le Pabalesego kwa Meepong e e tlhokegang go ya ka MBPM.
Batsamaisi ba Thulaganyo ya Kgwebo ba MMM.
Go tlhama le kgokaganyo ya Pegelo ya Ngwaga le Ngwaga ya MMM e go tlhokegang gore e phasaladiwe go latela Karolo 49 (j) ya MBPM.
Tsamaiso ya matlotlo ka kakaretso a BBPM.
BBPM e dira jang mo Aforika Borwa?
Bokaedi bo na le ofisi ya bosetšhaba kwa Tshwane le diofisi tsa dikgaolo di le robongwe mo porofenseng nngwe le nngwe. Ofisi ya kgaolo e eteletswe pele ke Motlhatlhobimogolo yo o nang le maitemogelo a a farologaneng mo tsamaisong le ditiro tsa meepo. Thusano mo ofising nngwe le nngwe e ikaegile ka mofuta le bogolo jwa ditiro mo kgaolong. Ditiro tsa boitekanelo le pabalesego tsa diofisi di kgaogantswe ka dikarolo tsa pabalesego ya meepo, didiriswa kgotsa metšhini ya meepo, boitekanelo jwa kwa tirong le kalafi ya kwa tirong.
Bokaedi jwa dikgaolo bo dira eng?
Maikarabelomagolo a Bokaedi jwa dikgaolo ke go rotloetsa le go diragatsa kobamelo ya Molao le Melawana kwa meepong mo dikgaolong tsa bone. Bangwe ba batlhatlhobi ba meepo ba dire mo ditlhopheng tsa diporojeke le ditlhopheng tsa tiro tsa seraro tse di dirang mo tlhamong ya mekgwa e mešwa ya taolo.
Maikemisetso a Bokaedi jwa dikgaolo ke eng?
Bo thusa bathapi ba kwa meepong mo go thibeleng, ka moo go ka kgonagalang ka teng, dikotsi le boitekanelo jo fokolang jo bo amang badiri , le batho botlhe ba ba ka amiwang ke ditiro tsa kwa meepong.
Bokaedi jwa dikgaolo bo ikaelela go fitlhelela maikemisetso a jang?
Bo dirisa thulaganyo ya tshekatsheko ya mafelo a a kotsi, thuno e e tseneletseng ka batlhatlhobi le tiragatso ya paakanyo e e maleba, go ikaegilwe ka go nna teng ga badiri go ya latela lenane la ditiro.
Go diragala eng ka motsi wa thuno?
Motlhatlhobi o kwala le go sekaseka seelo sa kobamelo ya Molao, melawana, mekgwa ya maitsholo, ditaelo tsa botsamaisi, maemo a tiro le ditiro tse dintle tsa intaseteri ka motsi wa thuno. Gape motlhatlhobi a ka nne a dirisa lenane-netefaletso fa a runa lefelo la tiro.
Thuno e dirwa leng?
Thuno e dirwa nako nngwe le nngwe fa go tlhokega. E tlhomamisiwa ke tshekatsheko ya mafelo a a kotsi, dingongorego tse di amogetsweng le go latela manane a a rileng.
Dipatlisiso di simololwa leng?
MMM e tshwanetse go laela motlhatlhobi go batlisisa kotsi nngwe le nngwe kgotsa tiragalo kwa moepong e e tlholang leso la motho mongwe le mongwe.
Tlolomolao kgotsa pelaelo ya tlolomolao ya, kgotsa go retelelwa ke go obamela kaelo nngwe le nngwe ya Molao o.
moemedi wa boitekanelo le pabalesego kgotsa komiti ya boitekanelo le pabalesego kwa moepong; kgotsa iii fa go se na moemedi wa boitekanelo le pabalesego, modiri ka nako eo.
Mathata a magolo a bokaedi jwa dikgaolo bo rakanang nao tebang le pabalesego ya meepo ke afe?
Batlhatlhobi ba lemogile mathata a mabedi a magolo kwa meepong: temogo e e sa lekanang ya dikotsi le tlhaelo ya bokgoni jwa tshekatsheko ya dikotsi. Di lebisa kwa maemong a a kwa godimo a dikotsi, a ka jalo a tlholang dikotsi.
Ke bothata bofe jo bogolo jo batlhatlhobi ba dikgaolo ba rakanang nabo tebang le boitekanelo jwa kwa meepong?
Kotsi e e lemogilweng ke batlhatlhobi ke gore go na le tlhaelo ya go tlhaloganya dikgato tsa boitekanelo mo intasetering le tiragatso ya tsona ka katlego, le fa go na le thulaganyo ya dikopano tse di tsweletseng, manane le maiteko a boitekanelo a a dirwang ke botsamaisi le badiri ba Lefapha la Diminerale le Maatla (LDM).
Botlhatlhobi jwa dikgaolo bo itsise jang peomolao e ntšhwa mo intasetering ya meepo?
Ba dirisa Dibuletini tsa Boitekanelo le Pabalesego, dipampitshana tsa Boitekanelo le Pabalesego le go rulaganya Dipuisano tse di maleba tsa Boitekanelo le Pabalesego kwa peomolao ya go nna jalo e tlhalosiwang sentle le go buisana ka yona. Gape ba dirisa websaete ya LDM le Dipitsokgolo tsa Pabalesego go itsise peomolao e ntšhwa.
Batlhatlhobi ba na le dithata dife?
tsena mo moepong mongwe le mongwe ka nako nngwe le nngwe kwa ntle ga thebolo e e kwadilweng kgotsa kitsiso ka maikaelelo a go tlhola kgotsa go diragatsa tumalano le MBPM.
botsa motho mongwe le mongwe ka ga ntlha nngwe le nngwe e e amiwang ke Molao.
batla gore motho mongwe le mongwe yo o nang le taolo ya, kgotsa yo o tshotseng tokomane nngwe le nngwe, go akaretsa mme go sa felele ka, leano, buka kgotsa rekhoto, go neela motlhatlhobi tokomane eo ka bonako kgotsa ka nako nngwe le nngwe le kwa lefelong lengwe le lengwe le motlhatlhobi a e batlang.
sekaseka athikele nngwe le nngwe, sere kgotsa matšhini; tiro nngwe le nngwe e e dirwang; kgotsa maemo mangwe le mangwe.
tlhatlhoba dithulaganyo tse di diretsweng tshekatsheko ya melemo ya badiri ke motsamaisi.
tsaya tokomane nngwe le nngwe, athikele, sere kgotsa matšhini kgotsa karolo nngwe le nngwe kgotsa sekai sa teng; mme a dire tiro nngwe le nngwe e e laoletsweng.
naya taelo nngwe le nngwe e e tlhokegang go sireletsa boitekanelo kgotsa pabalesego ya batho kwa moepong, fa motlhatlhobi a dumela gore tiragalo nngwe le nngwe, tiro kgotsa maemo kwa moepong e tsenya kgotsa e ka tsenya boitekanelo kgotsa pabalesego ya motho mongwe le mongwe yo o kwa meepong mo kotsing.
dira dipatlisiso tebang le kotsi ya kwa moepong kgotsa malwetse mangwe le mangwe a kwa tirong.
Bogolo jwa tiro ya BBPM bo kana kang?
Bokaedi bo akaretsa intaseteri ya meepo go ralala naga ka palo e e fetang 700 ya meepo e e kwadisitsweng le bonyane bokana ka badiri ba le 400 000.
Maemo a dithuso tsa BBPM ka ngwaga ke bokae?
Ditshwanelo tsa me le maikarabelo a me jaaka mothapi ke dife tebang le BBPM?
Ke tshwanelo ya gago jaaka mothapi go bona kaelo go tswa kwa BBPM mo tirisong ya Molao wa Boitekanelo le Pabalesego kwa Meepong (MBPM) le melawana ya teng. BBPM gape e ka go thusa go tlhaloganya Molao. Le gale, ke maikarabelo a gago go tlotla BBPM, go tlhaloganya mosola wa yona mo tiragatsong ya peomolao le go thusa batlhatlhobi go dira tiro ya bone. Godimo ga tsotlhe, BBPM ke tsala ya gago mo boitekanelong le mo pabalesegong.
Go ya ka Botlhatlhobi, ke eng se thulaganyo ya tsamaiso ya Boitekanelo le Pabalesego e tshwanetseng go se akaretsa?
Bathapi ba solofetswe go tlhama dithulaganyo tsa taolo ya boitekanelo le pabalesego tse di tlhokomelang mabaka a a kgethegileng kwa meepong ya bone. Botlhatlhobi, le gale, bo lebeletse meepo go akanyetsa le go dirisa maemo a a siameng a boditšhabatšhaba fa e tlhama le go dirisa dithulaganyo tsa yona tsa tsamaiso. Dithulaganyo tse ka jalo di na le dintlhakgolo tsa pholisi, thulaganyo, togamaano le tiragatso, tshekatsheko le dikgato tsa tokafatso.
Ke eng se loeto lwa motlhatlhobi kwa moepong lo se fitlhelelang ka kakaretso?
Motlhatlhobi o netefatsa gore botsamaisi jwa moepo bo lemogile matshosetsi (motswedi wa kgotsa kgonagalo ya kamego mo kotsing) le matshosetsi (kgonagalo ya kgobalo mo tirong kgotsa batho ba ka gobala) a a amanang le dikotsi tse. Gape batlhatlhobi ba sekaseka thulaganyo ya tekanyetso le ditlamorago tsa teng.
Go sa kgotsofatse MBPM, ke dithata dife tsa pateletso tse batlhatlhobi ba nang natso?
Dithata tsa tiragatso tsa MBPM di akaretsa ntlha ya kobamelo kgotsa dikitsiso tsa go tswalwa go ya ka dikarolo 54 le 55 tsa Molao, go tsenngwa tirisong ga dikotlhao tsa tsamaiso le dikatlanegiso tsa dikatlholo.
Dithata tse tsa pateletso di dirisiwa jang?
Go na le mekgwa e e sa tlhamalalang ya tiragatso jaaka maele le dikgalemo tse di ntshiwang ke motlhatlhobi ka nako ya tlhatlhobo. Mokgwa o wa tlhatlhobo o dira ka mokgwa wa boithaopo. Fa kgalemo e sa tsewe tsia, motlhatlhobi a ka dirisa mekgwa e e gagametseng ya kiletso. Yona e ka akaretsa tokafatso ya dikitsiso, dikotlhao tsa tsamaiso, dikatlholelo, le dikitsiso tsa tswalelo.
Ke ditogamaano tsa mofuta mang tse di dirisiwang ke Bokaedi jwa Dikgaolo?
Dithuno le dipatlisiso tsa letsatsi le letsatsi.
Dipatlisiso le dithuno tsa setlhopha ka tlhomamo le nako nngwe le nngwe fela.
Dipatlisiso le dithuno tsa tshalomorago.
Tshekatsheko ya ipegelo tsa thuno le dipatlisiso kwa maemong a botsamaisi.
Ditaelo le Dikotlhao.
Kemiso ya mafelo a tiro.
A nka botsolotsa ditswetso tsa motlhatlhobi?
Ee, fela o tshwanetse go latela thulaganyo e e beilweng mo Karolong ya bo 57 ya Molao. O ka dira boikuelo mabapi le tshwetso nngwe le nngwe e e dirilweng ke motlhatlhobi ka go e lebisa kwa MMM mo sebakeng sa malatsi a le 30 morago ga tshwetso, mme wa neelana le mabaka a go dira boikuelo ga gago.
Nna , jaaka modiri, nka tswelwa mosola jang ke tiro ya BBPM?
BBPM e netefatsa gore dikaelo tse di fitlhelwang mo MBPM di a obamelwa. Ka jalo, tshwanelo ya gago ya go dira mo tikologong e e babalesegileng le e itekanetseng e tlhokometswe.
Botlhatlhobi bo dira dipatlisiso tse di kgethegileng leng?
Dipatlisiso tse di kgethegileng di dirwa fa go diragala dikotsi tse dintsi di diragala mo moepong o le mongwe ka nako e le nngwe mo pakeng e khutshwane. Go tshwarwa dikopano le botsamaisi le mekgatlho ya badiri go buisana ka ga maemo le go baakanya maemo.
BBPM e rulaganya tiro jang go dirisa nako le didiriswa tsa yona sentle?
Lepa meepo e e nang le mathata a a tlhagelelang thata go dirisa lenane la boitekanelo le pabalesego.
Lepile meepo e tebang le ditlhatlhobo le dithuno tse di tlhatlhamanang.
Dirisa dithulaganyo le maemo a dithuno jaaka didiriswa go lepa matshosetsi le dikotsi.
Ntsha ditaelo fa go tlhokega.
Batlisisa maemo le mabaka go fitlhelela mabakamagolo a a tlholang dikotsi.
Fetisetsa tshedimosetso kwa go beng botlhe ka ga dikotsi tse di rileng.
A intaseteri ya meepo e bontshitse diphetogo dingwe tebang le boitekanelo le pabalesego fa e sale go nna le Khomišene ya Dipatlisiso ya ga Leon?
Khomišene ya Dipatlisiso ya ga Leon ka ga Dipatlisiso tsa Boitekanelo le Pabalesego mo Aforika Borwa e ne ya lere diphetogo tse di kgotsofatsang mo intasetering ya meepo. Segolo thata e ne ya lere MBPM, 29 wa 1996 mme wa tokafatsa sebopego le maikarabelo a BBPM.
Ka tlwaelo, intaseteri ya Aforika Borwa o ne a bega seelo sa dikotsi tse di tsitsibanyang le dikgobalo tse di botlhoswana ka palelo ya "1000 sa batho kwa tirong". Fa e sale go tloga ka 1999, le gale, go nnile le kgato ya go rekhota seelo sa dikotsi le dikotsi tse di masisi "ka milione wa diura tse di dirilweng", se se dirang gore go nne bonolo go bapisa dikotsi bodi tšhabatšhaba. Ga jaana go a phopholetswa go fitlhelela palo ya diura tse di dirilweng. Le fa go ntse jalo go na le matshwenyego, a gore phopholetsoga e bontshe palo ya diura tse batho ka nosi ba leng mo kotsing ka yona (k.g.r. mo ntlheng ya badiri ba ba dirang ka fa tlase ga lefatshe), go na palogotlhe kwa tirong. Kwelotlase ya "milione wa diura tse di dirilweng" e tla lebisa kwa dielong tse di kwa godimo tsa dikgobalo le dikgobalo tse di masisi, tse di tla lereng matshosetsi a a kwa godimo. Ka jalo go botlhokwa thata go dirisa diura tsa mmatota tse go lebaganweng le matshosetsi, go netefatsa gore dikelo tsa matshosetsi ke tse di ikanyegang mme ga di kgotlhele matshosetsi a nnete a ga jaana.
Dintlha tse di tlhagisitsweng mo Sethalong sa bo 3 di ikaegile ka dintlha tse di neetsweng ke BBPM Tshosobanyo ya Dipalopalo tsa Dikgobalo tse di begetsweng Motlhatlhobimogolo wa Meepo mo pakeng ya go simolola ka letsatsi la ntlha la Ferikgong, 1984 go fitlha ka mafelo a Sedimonthole, 2002 mme di nopolwa di dirisa palelo ya " batho ba ba 1000 kwa tirong" . Sethalwa se tshotse dielo tsa dikgobalo tse di masisi le dikotsi mme se supa, boemong jwa setlhopha sengwe le sengwe, ditiro tse ntle mo sebakeng sa dingwaga di le lesomenngwe tse di fetileng. Sentlesentle, le gale, Sethalwa se neela papiso ya dintlha magareng ga 1994 le 2002. dintlha tsa sešweng jaana ka jalo di bapisiwa le dintlha tsa 1994, tse mo go tsona Khomišene ya Leon e dirileng dipatlisiso mme ya fitlhela gore seelo sa dintsho, dikgobalo le malwetse e ne e le se e leng gore paakanyo e tshwanetse go dirwa ka bonako.
Dielo tsa dintsho le dikotsi ka babobedi tebang le "Meepo yotlhe" di bontshitse tokafalo e e botlhokwa fa e sale go tswa ka Khomišene ya ga Leon ka 1994. Dielo tsa dintsho le dikotsi kwa meepong ya gouta di tokafetse, e bile seelo sa dikgobalo se kwa tlase thata mo dingwageng tse lesomerobongwe tse di hulereng. Meepo ya gouta, le gale, e sa ntsane e rwele maikarabelo a dintsho le dikotsi tse dintsi mo intasetering ya meepo mo Aforika Borwa. Dintsho tsa kwa meepong ya malatlha di bontshitse tokafalo e e botlhokwa mme seelo sa dikgobalo se bontshitse tokafalo e e nametshang. Dielo tsa dintsho le dikotsi kwa meepong ya polatinamo, le gale, e wetse kwa tlase thata, gongwe ke ka ntlha ya koketsego ya palo ya bathapiwa ba ba dirang ka fa tlase ga lefatshe. Ntlha e e a tshwenya jaaka, jaaka lephata la polatinamo le rwele maikarabelo a 18.4% ya dintsho tsotlhe ka 2002, fa go bapisiwa le 5% ka 1994. Dielo tsa dintsho le tsa dikgobalo kwa meepong ya ya taemane di a fetoga ngwaga le ngwaga. Ka 2002, seelo sa dintsho se ne sa wela tlase thata, fela seelo sa dikgobalo se ne sa tokafala.
Kwa ntle ga ditiragalo kwa meepong ya polatinamo le taemane, go ka bonwa tokafalo mo dielong tsa dintsho le dikgobalo kwa meepong yotlhe. Go ya ka Khansele ya Diminerale ya Australia, le gale, badirameepong ba Aforika Borwa ba ne le kgonagalo ya bokana ka gararo ya go bolawa kwa tirong go na le badiri kwa Australia kgotsa kwa Dinagakopano.
Aforika Borwa 0.
Le fa go ka nna le dipharologano tse di botlhokwa ka ntlha ya mefuta ya meepo e e leng teng le maemo a a kotsi a a farologaneng mo meepong, go batlega taolo e e nang le bokgoni. Ka jalo intaseteri ya Aforika Borwa e tshwanetse go fokotsa matshosetsi a dikotsi a badiri ba lebaganeng nao, go lepalepana la maemo a a siameng a boditšhabatšhaba. Jaaka ponelopele ya BBPM e le go fitlhelela maemo a a amogelesegang selegae le boditšhabatšhaba, e tla tswelela go thusa intaseteri go fitlhelela maemo a.
Dipalopalo di bontsha gore kgosomano ya mmu e sa ntsane e le karolo e kgolo ya dikotsi le ntlhakgolo e e tlholang dintsho kwa meepong ya Aforika Borwa (bona Sethalwa 5), ka lephata la gouta le rwele karolo e kgolo ya tsona ka bobedi. Dintsho le palo e e kwa godimo ya dikotsi tse di tsitsibanyang tse di diragalang ga jaana mo intasetering di ka fokodiwa thata ka go tlhopha le go diragatsa ditegeniki tse di leng teng tse di maleba le go netefatsa gore go tsholetswa maemo a a kwa godimo a taolo.
Dikotsi tsa metšhini e e tsamayang le dikotsi tsa dipalangwa di emela karolo e kgolo ya ya mofuta wa bobedi wa dikotsi tse kgolo. Tse di bakiwa ke maemo a a kwa tlase a a tswang mo dithulaganyong tsa tsamaiso ya meepo tse di nang le makowa. Ka maikaelelo a BBPM go netefatsa gore bathapi ba lemoga matshosetsi le go sekaseka dikotsi go ka kgona go tlhoma dikgato tsa go fedisa, go di laola le go di fokotsa. Ka jalo BBPM e thusa meepo ka go tlhabolola mekgwa e e botoka go netefatsa go epiwa ga diminerale ka mekgwa e e babalesegileng.
Ka motsi wa Khomišene ya Leon, go ne go se na dipalopalo tse di ikanyegang tsa malwetse a kwa tirong a a tlhodiwang ke go dira kwa intasetering ya meepo ya Aforika Borwa. Ka bomadimabe, dintlha tse di tletseng le tse di ikanyegang di sa ntsane di se teng bosetšhaba. Sefalana sa Malwetse a kwa Tirong kwa Meepong ya Aforika Borwa (SMTMAB) ke gona se simolotseng go kokoanya dintlha tse dinnye tsa dikai tsa tshedimosetso. Ka ntlha ya gore dipegelo go tswa kwa meepong di sa patelesege ka fa tlase ga melawana, ke maikarabelo a moepo go neelana ka diforomo tsa ditshwaelo go SMTMAB gore go dirwe dipatlisiso mo nakong e e tlang le thibelo ya malwetse a kwa tirong.
Mo dipakeng tse di fetileng, kamano magareng ga go tshabelwa ke dikotsi tse di masisi le go tshabelwa ke malwetse a kwa tirong di ne di sa kwalwa ka botlalo kgotsa di sa tlhaloganyege, se se ne sa lebisa kwa thibelong e e seng mosola. Ka jalo BBPM e tlhama Sefalana sa Maphelo a kwa Tirong go rekhota, go latedisisa le go laola kamano eo. Gape sefalana se tla golaganngwa le dithulaganyo tse dingwe tsa mafapha jaaka SAMRASS le SMTMAB go lepa ditiro tse di nang le matshosetsi a magolo le mafelo a tiro.
Malwetse a matshwafo kwa tirong ke ona a magolo a a tlholang gore batho ba role tiro pele ga nako le go baka maso a ka bonako magareng ga batho ba ba dirang kwa intasetering ya meepo mo Aforika Borwa. Malwetse a matshwafo a a amanang le lerole a fekeetsa dikotsi tsa kwa meepong mo dipalong tsa batho ba ba amegang. Gareng ga batho botlhe ba ba neng ba le kwa tirong kwa meepong yotlhe ka 1998, go begilwe seelo sa seelo sa dintsho di le 0.85 mo 1000 sa batho le dikgobalo di le 6 064 (14.1 per 1000).
Bontsi jwa malwetse a kwa meepong a a lebaganeng le malwetse a matshwafo ke malwetse a a tlholwang ke lerole la diminerale, bolwetse jo bo sitisang matshwafo (MWAMD), kankere kwa tirong, sehupela (asema) kwa tirong, dikgobalo tsa khemo jaaka tse di tlholwang ke naeterojeneokosaete le molelo. Ditlamorago tse tsa boitekanelo di tlholwa segolo thata ke go hema dikgotlhedi tse di tlang dirwelwe ke mowa. Go ikaegilwe ka sebopego sa tsona, dikgotlhedi tse di tlang di rwelwe ke mowa ka kakaretso di ka kgaoganngwa ka ditlhopha jaaka lerole, mosi, mouwane, digase le phufudi.
Mo ngwageng wa 2002 go nnile le kwelotlase mo go lebaganeng ga badiri le dikgotlhedi tse di rwalwang ke mowa (bona sethalwa sa 2). Le fa go nnile le kwelotlase, go ka nne ga solofelwa koketsego ya ditopo tsa phimolakeledi ka ntata ya go nne teng go le gale ga malwetse a kwa tirong. Ka ntata ya gore thibela bolwetse e gaisa kalafi, matshosetsi a tshwanetse go tlhokomelwa kwa tshimologong. Mo maitekong a go fokotsa tebagano ya badiri le dikgotlhedi, maikarabelo ke a mothapi. BBPM e rebotse Kaelo ya go sireletsa le go tokafatsa boitekanelo jwa badiri ka go ela tlhoko le go fokotsa tebagano ya bone le dikgotlhedi tse di rwalwang ke mowa. E neela maitshetlego a mantle go sekaseka tebagano ya bone le matshosetsi. Go ya ka Molawana wa Maitsholo, go tlhokega gore moepo o mongwe le o mongwe o tlhagise dikgato tsa go fokotsa matshosetsi a. BBPM e rotloetsa bathapi go ela tlhoko le go netefatsa tiragatso e e nang le bokgoni ya dikgato tsa taolo.
Modumo o ntse o tsewa jaaka setlhodi se segolo sa matshosetsi a boitekanelo jwa badiri kwa intasetering ya meepo ya Aforika Borwa. Ka 1998 intaseteri e tsentse manene a tshomarelo ya kutlo(MTK). A ne a patelesega, ka ntlha ya gore mekgwa e e tseneletseng ya bodiri e e tlwaelegileng kwa ditirong tsa go ntsha diminerale e ne e dira gore dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba lebagane le modumo o o fetang 85 dB e e amogetsweng semolao.
Diphetogo mo mokgweng wa go sekaseka ditopo tsa phimolakeledi di ne tsa oketsa segatlha sa kutlwalo e e o o bakiwang ke modumo (KBM) kwa meepong ya Aforika Borwa. Mokgwa o o tlhabolotsweng o ne wa fokotsa seelo sa phimolakeledi go tswa go 42 go ya go 26 dB tsa tatlhegelo ya kutlo, go akaretsa ditatlhegelo ka 3000 Hz. Fa e sale go tswa ka tiragatso ya mokgwa o o tlhabolotsweng (Taelo ya Selegae ya Komisinara wa Phimolakeledi No. 168, 1995), katlanegiso ya ditopotuelo tsa phimolakeledi tsa kutlo kwa meepong di tlhatlogile.
Sethalwa 4 se bontsha phimolakeledi e e dueletsweng TKTM fa e sale go tloga ka 1997. Se se re fa setshwantsho sa bothata jwa TKTM mo pakeng e e fetileng. Bokamoso, le gale , bo bontsha bosa tlhole bo solofetsa, fa e sale go lekanyetswa gore magareng ga diperesente di le 68 le 80 tsa badirameepong ba lebagane le kotsi ka palogare ya nako e e lekanyeditsweng (PNL) ya 85 dB kgotsa go feta, se se bontshang kotsi e kgolo ya tatlhegelo ya kutlo ga bontsi jwa badiri ba intaseteri.
Le fa go na le LTK, taolo ya modumo le dikgato tsa tsamaiso go laola kotsi, bothata e sala e ntse e le bo bogolo. Mo phokotsong ya matshosetsi go thibela tatlhegelo ya kutlo, go batlega tirisano ya badiri botlhe, ka ntlha ya gore badiri ba na le tshwanelo ya go sireletsa boitekanelo le pabalesego ya bone, gammogo le jwa batho ba bangwe ba ba amanang le ditiro tsa meepo.
BBPM bo tsweletse go ruanya ditiro tsa yone le ditlhokego tsa togamaano tsa naga, e e dumalanang le maikemisetso a yone. B thusa matikiri le meepo ya e mennye ka go tshegetsa katiso le tlhabololo mo mofameng wa boitekanelo le Pabalesego kwa Tirong, ka maikaelelo a go fokotsa lehuma le go tlhoka tekatekano. Bo fa meepo maele ka ga peomolao le go tlamela thuso mo go e tlhaloganyeng. BBPM gape e thusa ka go tsaya matsapa go lepalepana le HIV/AIDS ka go tshegetsa maiteko a tsone ka Porojeke ya Powerbelt le matsholo a mangwe a temoso.
Diphetogo tsa sešweng jaana mo Botlhatlhobing le peomolao e e laolang boitekanelo le pabalesego ya meepo tsotlhe di ne di tlhametswe go tokafatsa boitekanelo le pabalesego mo mo tirong kwa intasetering ya meepo, go netefatsa go epiwa ga diminerale ka pabalesego ka fa tlase ga maemo a a itekanetseng a tiro. BBPM ka jalo e tsweletse go go fitlhelela maikaelelo a le go tokafatsa tiro ya paka e e fetileng.
Ke mang yo o batlang go itse ka ga BBPM?
Motho mongwe le mongwe yo o dirang kgotsa yo o kileng a dira kgotsa yo o nang le leloko kgotsa ditsala tse di dirang kwa meepong.
Nka bona kae tshedimosetso e e tletseng ka ga BBPM?
Ofisi ya bosetšhaba ya BBPM e kwa kae?
E phasaladitswe ka 2003 ke Lefapha la Diminerale le Maatla mo Aforika Borwa.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Bua puo ya gaeno.txt</fn>
Bua puo ya gaeno. Ke tshwanelo ya gago.
Tirelo ya Boranoledi ka Mogala ya Aforika Borwa (TBMAB/TISSA) e simolotswe ke Lefapha la Botsweretshi le Setso go rotloetsa tiriso ya dipuo tse di latelang tsa semmuso: (Sezulu, Sethosa, Setebele, Seswati, Sesotho, Setswana, Sepedi, Setsonga, Sevenda, Seesimane le Aforikanse).
Ke mofuta ofe wa tirelo o o tlamelwang?
TISSA e tlamela tirelo ya go ranolela ka mogala e e tlileng go kgontsha tlhaeletsano magareng ga setšhaba le puso ka go dirisa dipuo tsa semmuso tsa tlholego go fitlhelela ditirelo tsa puso.
Ke ka ntlha ya eng tirelo e e tlamelwa?
Ka TISSA, puso e diragatsa taolelo ya Molaotheo ka go tsaya dikgato tse di maleba le tse di bonagalang tsa go tlhabolola le go rotloetsa dipuo tsa semmuso tsa tlholego.
A setšhaba se ka kopa ditirelo tsa puso ka puo ya bone ya ga mme?
Ee, fela fa puo ya ga mme e le nngwe ya dipuo tsa semmuso.
A puo ya diatla e akareditswe?
Ee, disusu di akareditswe mo tirelong ya TISSA. Di tlile go kgona go fitlhelela ditirelo tsa puso, jaaka batho ba ba utlwang, kwa mafelong a a kwa Cape Town, Johannesburg, Durban le Polokwane.
Tirelo ya TISSA e dira jang?
Fa leloko la setšhaba le modiredipuso ba sa kgone go utlwana ka dipuo, modiredipuso a ka leletsa setheo sa thuso sa TISSA.
Kwa setheong sa thuso, mothusi o tlile go gokaganya modiredipuso le leloko la setšhaba le moranoledi yo o kgonang go bua dipuo ka bobedi.
Modiredipuso o tlile go nna le mogala wa didirisiwa tse pedi gore ena le leloko la setšhaba ba tle ba kgone go reetsa moranoledi.
Moranoledi o tlile jaanong go ba ranolela. Se se ka tsaya metsotswana e se kae.
Ke tlile go itse jang gore lefapha la puso le tlamela ditirelo tsa boranoledi?
Matshwao a kitsiso kwa dikantorong tsa puso a tlile go bontsha go nna teng ga tirelo ya TISSA.
Fa kantoro ya Puso e sa bontshe letshwao la TISSA, a ke sa ntsane nka kopa tirelo ya boranoledi?
Nyaa, tirelo e teng fela kwa mafelong a a bontshang letshwao la TISSA. Le fa go ntse jalo, mafelo a a farologaneng a tlile go akarediwa mo nakong e e tlang.
TISSA e tlile go ntswela mosola jang?
E tlile go nna le seabe se segolo mo tlhabololong ya ditshwanelo tsa gago tsa puo, gape le ditshwanelo tsa botho mo Aforika Borwa.
Gape e tlile go nna le seabe se se botlhokwa mo thotloetsong le tiriso ya dipuo tsa semmuso tsa tlholego le puo ya diatla.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Captions.txt</fn>
Page 3 Ka nako ya tlhatlhobo go fitlhetswe boto e ya phasalatso ya motlakase ya nakwana e sa bolokesega ka ntlha ya gore e ne e sa lotlelwa.
Page 4 Borogo jwa Injaka bo ne jwa gosomana mme jwa tlhola dintsho tsa badiri ba le 14.
Page 7 Sireletsa mmele wa gago ka go apara ka go apara diaparo tse di laoletsweng ka dinako tsotlhe.
Page 8 Balomaganyi ga ba a tshwanela go dira ntle le helemete, ditlelafo le diaparo tsa tshireletso.
Page 9 Thibela khemo ya dikhemikhale tse di kotsi ka go apara disireletsi tse di botlhokwa tse di sireletsang nko le molomo.
Page 11 Boto ya phasalatso ya motlakase e e bulegileng jaaka e, e kotsi, mme e tshwanetse go tswalelwa ka dinako tsotlhe.
Page 12 Fa o tshwanetse go dirisa llere, netefatsa gore e tlhomame, le gore e dira sentle pele o ka e dirisa.
Page 13 Bakgweetsi ba difokolifiti ba tshwanetse gore ka metlha ba gakologelwa go apara dikuane tsa bone, le gore ba tshwanetse go katisediwa mofuta wa motšhini o.
Page 14 Fa o bone kgobalo kwa tirong e tshwanetse go begelwa Lefapha la Badiri ka bonako.
Page 16 Badiri ba bantsi ga ba kgone go tswelela ka tiro ya bone morago ga kgobalo, mme ba tshwanetse gore ba ye go alafiwa kwa setheong sa tsosoloso.
Page 17. Thibelo e gaisa kalafi, segolo thata kwa lefelong la tiro.
<fn>tsn_Article_National Language Services_DIKAELO TSA TSHEDIMOSETSO TSA NAC.txt</fn>
Tshedimosetso e e rulagantswe go go thusa mabapi le kopo ya gago ya go bona thuso ya matlole go tswa go NAC. Dikaelo tse di dirisediwa fela malebana le thuso ya matlole ya diporojeke.
Ke mang yo o Tshwanelwang ke go thusiwa ka matlole?
Batho bangwe le bangwe, ditlhopha tsa baagi, ditheo le ditlamo di ka dira kopo go thusiwa ka matlole. O ka nna wa dira kopo ya go thusiwa ka matlole mo go tse di latelang tsa botsweretshi, Thuto ya diatla, Motantsho/Khoreokerafi, Dikwalo, Mmino le tsa Teatere le Teatere ya Tiragatso, Teatere/Terama, Katiso ya methalethale le Botsweretshi jwa Pono. Mekgatlho, ditheo le ditlhopha di tshwanetse di be di kwadisitswe sentle. Badiradikopo ba tshwanetse go bo e le bagolo ba semolao gape ba le maAforika Borwa.
Kopo ya batho bangwe le bangwe ke ya mokopi a le mongwe yo o malebana le porojeke. Ga go na batho ba bangwe ba ba tshwanetseng go thapiwa mo porojekeng e. Se se ikaelela go go thusa batho ba ba kwalang metshameko, ba tsa merero ya khereokerafi, batlhami le bataki.
Mokgatlho o kaya setheo se se kwadisitsweng se se nang le batho ba ba dirisanang.
Tsweetswee itse gore NAC e ka se kgone go thusa tekanyetsokabo yotlhe ya porojeke ka matlole. Ka jalo o gakololwa go batla thuso e nngwe ya matlole kwa metsweding e mengwe. Ka kakaretso, thuso ya matlole e tla lebagana le mananeo a botsweretshi. Dikhotheišene tsa ditshenyegelo di tshwanetse go pata foromo ya kopo e bile bakopi BA TSHWANETSE go senola metswedi yotlhe e mengwe ya thuso ya matlole. Paka ya makisimamo ya go tsamaisa porojeke ke dikgwedi di le somepedi. Go feta bokana ka 15% jwa ditshenyegelo tsa tsamaiso bo tshwanetse go sedimosiwa. Diporojeke di thusa ka matlole gangwe mo ngwageng wa ditšhelete. Dikopo tsotlhe di tshwanetse go diriwa mo diforomong tsa semmuso tsa kopo tsa NAC. Diporojeke di tshwanetse go nna kwa atereseng e e tlhagisiwang mo foromong ya kopo. Phetolo nngwe le nngwe ya aterese e tshwanetse go lebisiwa kwa dikantorong tsa NAC mo sebakeng sa malatsi a le 7.
Dikopo tse di mabapi le loeto di tla amogelwa fela fa loeto lo lo tshisinngwang lo na le seabe mo tshedimosetsong ya bosetšhaba ya setlamo kgotsa ya setlhopa e bile lo na le mosola mo matshelong a MaAforika Borwa ka kakaretso. Bakopi ba ba laleditsweng go diragatsa kwa moše ba tshwanetse go nna le tshegetso ya ditšhelete go tswa go naga e e amogelang baeng kgotsa mokgatlho o o amogelang baeng. Naga e e amogelang baeng/mokgatlho o o amogelang baeng o tshwanetse go romela sesupo sa go rwala maikarabelo a ditšhenyegelo di tshwana le bonno, dijo, thuso ya letsatsi le letsatsi ya madi le sepalangwa mo nageng. Tumalano ya go dira le yona e tshwanetse go pata kopo e e lebang kwa NAC. NAC e ka se amogele kopo nngwe le nngwe e e malebana le loeto lwa kwa moše fa tokomane e e kopiwang e sa neelwe. Mo mererong yotlhe NAC e ka se nne yona fela mothusi ka matlole. NAC e na le thata ya go pata bakopi botlhe mo maetong a boditšhabatšhaba.
Go na le mefuta e mebedi ya thuso ya matlole: Thuso ya matlole ya setheo ya Boloko ya thuso ya matlole ya dithuto tsa gerata ya ntlha le thuso ya matlole ya gerata e e kwa godimo ya mongwe le mongwe.
Dikopo di romelwa kwa ditlhogong tsa lefapha tsa setheo. Bontsi jwa thuso ya matlole bo neelwa thuso ya matlole ya "boloko".
Baithuti ba digerata tse di kwa godimo ba ya go thusiwa ka matlole gangwe fela, malebana le sekwalo.
NAC e thusa dithuto tsa boditšhabatšhaba ka matlole tsa digerata tse di kwa tlase le tsa digerata tse di kwa godimo. Dikopo tse di ka amogelwa fa dikwalo tse di se teng mo nageng. Sesupo sa kamogelo se tshwanetse go pata dikopo. NAC ga e kitla e nna yona fela e e thusang ka matlole.
Tona ya Bosetšhaba ya Botsweretshi le Setso e dumelela thuso ya matlole ya ditlamo tse di rileng tsa botsweretshi mo pakeng ya dingwaga tse tharo. Maikaelelo a thuso ya matlole ya ditlamo ke go thusa ditlamo tse di amegang mo botsweretshing, go bebofatsa tlhamo ya ditiro tse dintšhwa le go tlhamela batho ba ba mo botsweretshing ditiro. Thuso ya matlole e malebana le mekgatlho e e kwadisitsweng. Dikopo di lalediwa gangwe mo dingwageng dingwe le dingwe di le tharo. Mofuta o wa thuso ya matlole ke wa ditlamo tsa botsweretshi tse di nang le rekhoto. Bakopi ba ba solofelwang ba tshwanetse go nna le dikwalo tse di latelang: tshedimosetso ya setlamo, thulaganyo ya kgwebo, go akaretsa lenaneo la botsweretshi, diseteitemente tsa ditšhelete tse di runilweng, sebopego sa botsamaisi le boto.
Ditshenyegelo tsa tsamaiso, thuso ya matlole ya sata, mafaratlhatlha, go rekhota dikgaisano, go rekiwa ga didirisiwa tsa mmino, dikgwaere tsa dikereke, go tlhamiwa ga websaete, go tshwarwa ga websaete, tlhamo ya ka fa gare, boagi, tsamaiso ya ditiragalo, bathusi le ditlhopha tsa maikaelelo a a rileng.
Bakopi ba kopiwa go romela ditokomane tsotlhe tse di kopiwang le dikopo tsa bona. Dikopo tse di fekesitsweng, tse di sa saeniwang, tse di rometsweng ka imeili le tse di sa tladiwang sentle ga di kitla di amogelwa. Dikopo tse di sa tladiwang sentle ga di kitla di amogelwa.
Matlha a bofelo a dikopo a phasaladitswe mo makwalodikgang a magolo a bosetšhaba le mo websaeteng ya NAC. Dikopo tse di thari le tse di sa tladiwang sentle ga di kitla di amogelwa fela di ya go diegisiwa go kopano e e latelang ya thuso ya matlole. NAC e na le thata ya go amogela /go se amogele kopo.
Dithata: NAC e na thata ya go neela matlole go ya ka dithulaganyo tsa lenaneo la NAC. Se ga se gatake dithata tsa molaotheo tsa bakopi bangwe le bangwe. Ga go na mokopi yo ka tlhamalalo a tshwanelwang ke thuso ya matlole; thuso yotlhe ya matlole e mo maatleng a NAC.
<fn>tsn_Article_National Language Services_DIKGATO TSA TSHIRELETSO.txt</fn>
Rona jaaka badiri ba Lefapha la Bosetšhaba la Botsweretshi le Setso re neetswe didirisiwa tse di farologaneng tsa puso tse di beilweng ka fa tlase ga taolo le tlhokomelo ya rona.
Go ya ka Molao wa Tsamaiso ya Madi a Setšhaba ditlamelo tsa puso di tshwanetse go sirelediwa ka dinako tsotlhe ka jalo re tshwanetse go tsenya tirisong dikgato tsa taolo le go tsaya dikgato tse di tlhokagalang go thibela ditatlhego mo ntlheng e.
Nngwe ya dikgato tse tsa taolo ke tsenyotirisong ya dikgato tsa tshireletso jaaka phuruphutso ya dithoto tsotlhe tsa mabogo, dirori kgotsa merwalo.
Molao 53 wa Taolo ya Phitlhelelo go Dikago tsa Setšhaba le Dirori, wa 1985 o letlelela batlhankedi ba tshireletso go tsaya kgato go ya ka karolo 2 ya Molao 53 wa 1985 (jaaka go dira diphuruphutso, go kganelwa botseno kgotsa botso jj). [Tsweetswee lebelela dikitsiso tse di beilweng mo dikagong tsa rona].
Go tlamela tshedimosetso e nngwe mabapi le ditlhokego tsa tshireletso, katiso ya temoso e tlile go tlamelwa badiri botlhe ka di 4 le di 8 Diphalane 2004.
Ke nnete gape gore mokgwa wa tshireletso o tlhola kgoreletso. Mo ntlheng e tirisano le kutlwisiso ya badiri botlhe e tla itumelelwa. Tsweetswee lokologa go ikopanya le Rre Van Rooyen fa sengwe se se ka ga dikgato tsa rona tsa tshireletso le dithulaganyo se sa tlhaloganyege.
<fn>tsn_Article_National Language Services_DIKGATO TSE DI KA LATELWANG KA MOTSI WA KOMELELO.txt</fn>
Aforika Borwa e na le dikarolo tsa tlelaemete tse di farologaneng tse di bulegileng tse di tlholang pharologano mo tlhagisong ya temothuo. Le fa go ntse jalo, naga e ka kakaretso e omeletse/e mo magareng ka e bona pula ya bokana ka 500mm ka ngwaga fa go bapisiwa le palogotlhe ya lefatshe ya bokana ka 800mm ka ngwaga. Pharologano ya tlelaemete ke selo sa tlhago, fela dipatlisiso di bontshitse gore mo ngwagakgolong o o fetileng go nnile le koketsego mo maatleng a digase tsa kago e e godisang dimela le tse di tlhokang tshireletso ka ntlha ya ditiro tsa batho jaaka indaseteri, go tlosiwa ga dikgwa, jj. Diphitlhelelo tsa dipatlisiso tse di tsepamemg thata tsa go farologana ga tlelaemete mo Borwa jwa Aforika di kaya fa mowa o o sa siamang wa themphereitšha mo Aforika Borwa o ya go oketsega ka tekanyetso ya bokana ka 1,5-4º C mo ngwagakgolong o o latelang. Se ke bothata jo bo masisi malebana le tlhabololo e e tswelelang, jo bo amang go tshela ga batho, ikonomi yotlhe le seriti sa tikologo ka go kaya maemo a a tseneletseng a a kwa godimo a bosa jaaka dikomelelo le merwalela magareng ga tse dingweg.
Aforika Borwa e arogantswe ka dikgaolo tse di botlhokwa tse tharo tsa pula: kgaolo ya pula ya mariga kwa borwabophirima, karolo ya pula ya ngwaga otlhe go bapa le kgaolo ya lebopo la borwa le karolo ya pula ya selemo mo nageng. Phokotsego ya pula go tswa kwa dikarolong tsa kwa botlhaba go ya kwa go tsa bophirima tsa naga e lemogilwe. Pula ya Aforika Borwa e farologana thata mme go dira gore naga e nne le tlhagiso e e lekanyeditsweng ya temothuo.
Temothuo e akaretsa ditiro tsotlhe tsa ikonomi go simolola ka thebolo ya dikumo tsa temo go ya go go tsenngwa ga boleng e bile e tswelela go nna lephata le le botlhokwa mo ikonoming ya Aforika Borwa go sa kgathalesege seabe sa yona se sennye mo kumong ya selegae yotlheuo (GDP). Badiri ba kwa dipolaseng, balemirui le bamalapa a bona le bona ba na le seabe mo ikonoming fa ba dirisa ditefo tsa bona le dituelo tsa bona mo dithotong tsa badirisi le ditirelo, kgotsa fa ba reka dilwana malebana le tlhagiso. Ka tsela e temothuo e nna lephata le le nna le seabe sentle mo kgolong le mo tlhabololong. Maatla a bosa jo bo masisi le maemo a tlelaemete a ya go nna le dikutlwalo tse di sa itumediseng mo tlhagisong ya temothuo ka go tlala metsi ga mebu le dikomelelo tsa kgapetsakgapetsa magareng ga matlhotlhapelo a mangwe go go yang go dira gore go se ke ga kgonega ga go fitlhelela maungo a mantle gape go tlise lehuma mo malapeng a a ikaegileng gotlhelele ka temo.
Komelelo e Borwa jwa Aforika bo ntseng bo itemogela go simolola ka 2002 go fitlha gompiemo ke ponelopele ya dikutlwalo tsa phetogo ya tlelaemete mo dingwageng tse di latelang e bile go ka kaya tlhagiso ya dikumo tsa temothuo e e kwa tlase magareng ga tse dingwe . Molao wa Taolo ya Matlhotlhapelo (Molao No. 57, 2002) le ona o rotloetsa gore kgatelelo e tshwanetse go bewa thata mo thibelong le mo phokotsong ya matlhotlhapelo ka go dirisa tshedimosetso ya bosa le ya tlelaemete, magareng ga tse dingwe.
ADRM e rulaganya dikgakololo tsa kgwedi le kgwedi tse di nang le dikgato go balemirui go di dirisa malebana le maemo a ga jaanong a tlelaemete. Go ne ga ka akanngwa gore dikgato tse di tshwanetse go maatlafadiwa le go tlhagisiwa ka dipuo tsotlhe tsa semmuo go tlhaloganngwa ke badirisi botlhe.
Tlhopha masimo a a nang le dithulamo tse di mmalwa go fokotsa go ela ga metsi.
Dirisa mekgwa ya go lema ya tshomarelo sekao: go se leme, go lema go go lekaneng, go kgatha jj.
Fokotsa kitlano ka go fokotsa go feta ga metšhini e e bokete mo tshimong. Se se ka fitlhelelwa e seng gotlhelele ka tiriso ya didirisiwa tse di maleba mo mofuteng o o rileng wa mmu.
Jala mo go seng boteng segolobogolo mmidi ka dipolankisi tsa peo e e jadilweng boteng di ya go tsaya sebakanyana go mela go na le tse di jadilweng mo go seng boteng.
Tlamela ka thefosano le pharologano mo thulaganyong ya go jala ka go dirisa thulaganyo ya go jala e e tswakilweng go na le go jala sejalo se le sengwe, sekao: jala mmidi le dinawa mo tshimong e le nngwe. Se se ya go thusa molemirui go thusega go tswa mo sejalong se sengwe fa sejalo se sengwe se ka retela.
Kgomarela paka e e tlwaelegileng ya go jala fa go le maleba o be o latele ponelopele ya bosa le ya tlelaemete ka tlhomamo. Dira dithulaganyo tsa dijalo tsa setlha se sekhutshwane sekao: sonobolomo.
Dirisa dithekeniki tse di kokoanyang metsi sekao: go diriwa ga dibeisene, dikonturu, makhubu.
Jala mo go seng boteng ka dipeo tse di jadiwang boteng di tlhagelela ka fa tlase ga bogodimo jwa mmu mme di swe.
Morago ga tlhagelelo, semela se ya go tsena mo dikgatong ya go tlhoga ga matlhare. Gore semela sa mmidi se konosetse kgato e ya kgolo, se tshwanetse go tlhoga matlhare go tswa go a le mane go ya go a le marataro.
Dijo le kgatelelo ya metsi mo kgatong e di ka se tlhole tshenyo ya leruri, le fa go ntse jalo tlhagelelo ya siliki e ka amega mmogo le palo ya moko mo tsebeng nngwe le nngwe.
Kgato ya kgolo ya go tswala: Paka e e masisi ya tlhokego ya metsi.
Kgato ya ntlha e bile e le masisi ya kgolo ya go tswala ke tlhagelelo ya siliki mo ntlheng ya tsebe. Metsi a a lekaneng a a tlhokega mo pakeng e ka kgatelelo ya metsi e ya go fokotsa nako ya go tlhotlhorega ga modula le go diegisa go tlhoga ga siliki ka jalo go tlhole go se tswale.
Matlha a go jala a tshwanetse go tlhophiwa sentle go netefatsa gore kgato e e tsmaelana le maemo a a siameng a tlwaelo.
Dikgato tsa lerophi, tsa dege e e boleta le dege e popota le tsona di masisi mo kgolong ya go tswala. Kgatelelo ya metsi ka motsi wa dikgato tse e ka tlhola boleng jo bokoa jwa ditlhaka le tshenyego e kgolo ya dijalo.
Kgato ya khuti e e feletseng e latela ka bonako morago ga kgato ya dege e popota mme e ke nako e e nepagetseng ya go sega letseto. Bokgola jo bo lekaneng bo sa ntse bo tlhokega fela ga bo masisi, mme kgatelelo e e tseneletseng ya metsi e sa ntse e ka fokotsa go tswala le boleng jwa ditlhaka.
Kgolo ya popommele ke kgato ya bofelo ya kgolo ya mmidi.
Molemirui o tshwanetse go tlhokomela bokgola jwa diteng tsa tlhaka go simolola go kotula fa fela dijalo fitlheletse kgolo ya baeoloji gape ke fa bokgola jwa diteng tsa tlhaka di le ka fa tlase ga 15%. Malwetse a a tshwanetseng go tlhokomelwa mo pakeng e ke go bola ga kutu le ga modi mmogo le malwetse a tlhogo.
Ka kakaretso, taolo e e tshwaraganeng ya ditshenekegi tse di bolayang dimela e tshwanetse go dirisiwa mo letlheng sotlhe sa go jala.
Taolo ya thibelo: mofuta o o maatla, le fa go ntse jalo, e seng mo dikgatong tse di kwa godimo thata tsa tshwaetsego ka o ka nna wa se ke wa nna maatla gape wa tlhola ditatlhegelo tse dikgolo.
Taolo ya temo: mofuta o o akaretsa temo ya mmu mariga , go tlosa dimela tsa boithaopo, go tlhopha dijalo le go rulaganya dinako tsa go jala.
Taolo ya baeoloji: se se diragala fa dira tsa tlholego di tlhasela dikgato tsotlhe tsa botshelo jwa ditsenekegi tse di bolayang dimela. Tharaano ya sera sa tlholego e ka sirelediwa ka go dirisa dibolaya-ditshenekegi tse di senyang dimela tse di siametseng tikologo tse gape di leng kotsi thata go ditshedi tse di sa ikaeletsweng.
Dijalo tse thibelang ditshenekegi: se se diragala fa o dirisa dijalo tse di thibelang ditshenekegi. Dijalo di farologana ka kgonagalo ya tsona ya go amiwa ke malwetse jaaka go bola ga ditsebe, ponagalo ya mogare wa mmidi, leronthobane le le setlha la mo letlhareng, rusu, letshwao mo tlhogong le mo thaseleng, go bola ga dikutu mmogo le go bola ga medi. Go tila kgotsa go fokotsa kutlwalo ya malwetse a, tlhopha dijalo tsa maemo a a siameng a thibelo kgotsa a kgotlelelo kwa bolwetse jo bo rileng bo tlhagelelang kwamo teng.
Tlhagiso ya merogo e ama ditshenyegelo tse di kwa godingwana go gaisa dijalo tse dingwe tse dintsi. Magareng ga mabaka ke risiki ya mmaraka o go nang le kgonagalo ya gore o ka fetoga ka bonako le tlhokego ya maemo a a siameng a tlhagelelo, dithebolo tse di tsepameng le boleng mo mmarakeng. Le fa go ntse jalo, dijalo di le dintsi tsa merogo di na le ditlhokwa tse di kwa godimo tsa metsi. Go tlhama dikgato tsa papatso go botlhokwa malebana le go leka bona poelo mo tlhagisong ya dijalo tsa merogo maemo a komelelo a le teng kgotsa a se teng. Fa maemo a komelelo a solofelwa, go botlhokwa go tlhama bareki le mabenkele malebana le dikumo tsa kereiti e e kwa tlase. Fokotsa ditshenyegelo tsa go kotula, tsa go phuthela, le tsa go bapatsa fa go kgonega. Dikumo tse di sentsweng ke komelelo tsa dilwana tse di rileng di ka nna mosola mo ditlamong tse dingwe tse di rulaganyang merogo. Ditlhopho tse di ka tse di lekanyeditsweng, fela dithekiso tse dingwe di ka kgonega. Ikgolaganye le mabenkele a a maleba ka pele go batlisisa dithulaganyo tse.
Somarela diphologolo tse di tswalang tse di siameng le go manethoto a naga ka tlhomamo o be o rulaganye kelo ya theko (saese ya motlhape/letsomane) sentle.
Rulaganya palo ya minimamo ya dikgomo tse di tswalang tse di ka somarelwang ka fa tlase ga maemo a a masisi mme o somarele se jaaka motlhape o le mongwe. Tsona ke dikgomo tse di siameng tse di tswalang tse di tlhophilweng go dira sentle le tiro e e fetileng, ka go dirisa dithusi tsotlhe tse o nang le tsona sekao: (Direkhoto, tshekatsheko ya go dira sentle).
Tlamela ka dilo tse di latswiwang tse di maleba, le mefuta e mengwe ya furu ya tlaleletso go somarela ditlhokego tsa dijo ka mafulo a tlhago a a padimotsweng ke komelelo ka kakaretso a na le boleng jo bo kwa tlase jwa dijo.
Dirisa masalela a dijalo kgotsa sejalo se se sentsweng ke komelelo go tlamela jaaka furu ka motsi wa tshoganyetsorebola. Mo dintlheng tse, dirisa tlhokomelo e e kgethegileng go netefatsa gore masalela a khemikhale e e kotsi ya diphologolo e e bolayang dtshenekegi ga a teng masaleding a dijalo ka se se ka koafatsa boitekane jwa leruo la gago.
Fetola ditlwaelo tsa taolo ya diphologolo go akaretsa go fepa ga go ratela kgotsa go latlhisa diname ka bonako, le go godisa diphologolo tse dinnye thata.
Dirisa dikumo tsa dikgwa tsa tlholego (sekao:diphotlwa) o be o sege sedirisiwa sa go fepa kwa godimo ka mola wa go fula (sekao: ka fa tlase ga tlhatlhagano ya bokana ka 1.5 m mo dipuding) o be o fepe difudi kwa dikampeng.
Sa ntlha fudisa kwa mafelong a dimedi di sa ntseng di siame kwa go ona.
Phasalatsa mafelo a metsi ka go lekana mo mafelong a phulo go tila go fula go fetisa fa gaufi le lefelo la mesti.
Ka motsi wa maemo a komelelo o tshwanetse go tlhama leano la kgato go tlhokomela leruo la gago.
Tlhomamisa palo ya maatla a tlaleletso a a tlhokegang ka go nna teng ga phulo kgotsa boleng jwa maatla a dijo tse di bolokilweng o be o simolola go batla metswedi e mengwe ya furu.
Kumo e nngwe ya korong, ya monamune, ya ditokomane e ka dirisiwa ja ka difuru le senkgwe se se leswafetseng le ditlhaka tsa motitiedi. Kopa kantoro ya Katoloso tshedimosetso e nngwe ka ga difuru tsa dikumo o be o gakologelwe go dira dipapiso tsa ditshenyegelo/tshekatsheko pele o reka go netefatsa gore o duela tlhotlhwa e e siameng malebana dilwana tsa difuru tsa tshoganyetso.
Tlamela modisa wa dikgomo ka dimenerale tsa tlaleletso tse di siameng. "Letswai, khalisiamo le foseforase di ya go nna botlhokwa thata".
Maatla e ka nna sefepi thata se se lekanyetsang ka motsi wa komelelo. tlhaka, leswabi la bojang, le dikumo di ka dirisiwa go tlamela ka maatla. Molao wa kakaretso wa kgonojwe ga se go fepa go fetisa bokana ka 2.5% jwa bokete jwa mmele e le tlhaka ya tlaleletso. Go fetisa se go ya go ama tshilego ya dijo.
Fa pula e na, refosanya dikgomo mo mafulong ka moo go ka kgonegang go dirisa tšhono ya bojang jo bo leng teng.
Phulo ya komelelo e e emeng ka nakwana e ka tlhoka poroteini. Kelo ya go dusa e ka diragala ka nako e mme bupi jwa sonobolomo le maupi a mangwe a diporoteini a ka dirisiwa.
Leswe la dikgogo dinong jalojalo ke motswedi wa poroteini, dimenerale le maatla o o somaregileng e bile o bolokesegile wa dikgomo tsa nama. Leswe la dikgogo, dinong jalojalo le la ditlhaka (40-45% tsa motswako) di ka fokotsa ditopo tsa phulo ka bokana ka 20-40% malebana le dikgomo.
Fa go kgonega hirisa lefatshe le lengwe la phulo go fokotsa kelo ya theko ya masimo a gago.
Nako ya thekiso ya leruo le maemo a leruo le le rekisiwang e botlhokwa. Tshedimosetso e e fetileng ya papatso e teng go thusa malebana le go tlhomamisa diphetogo tsa boleng jwa leruo ka motsi wa komelelo le morago ga yona. Phokotso ya tlhopho ya palo ya leruo ka pele mo komelelong ka gale ke kakanyo e e eletsegang.
Fa leruo le rekisiwa ka bonako mo komelelong, ditlhotlhwa tse di amogelwang go na le kgonagalo ya gore di ka nna botoka ka gonne leruo le tshwanetse go bo le le mo maemong a a siameng le mo femeng ya mmaraka. Gape, ditshenyegelo tsa furu di a tilwa.
Somarela leruo le le tsholegang bonolo ka motsi wa komelelo gape le le yang go nna mosola thata kgotsa le le yang go ntsha dipoelo tse di siameng fa morago ga komelelo. Dinku, sekao, di ntsitse ka tsepamo peresente e e kwa godingwana ya poelo ya madi a leruo a a beeleditsweng go gaisa dikgomo. Fa komelelo e tsaya lobaka, leano le le ya go nna le maatla.
Fa komelelo e le khutshwane mme palo e nnye ya diperesente ya leruo e rekisitswe, leruo le le setseng le ya ka kgonagalo go thusa ka tiro e e oketsegileng ka phologolo nngwe le nngwe ka ntlha ya kelo e e fokotsegileng ya theko ya leruo. Go ka se nne botlhokwa go reka gape leruo.
Ka komelelo e telele le peresente e e kwa godingwana ya leruo le le rekisitsweng, ntlha e e botlhokwa e nna bokgoni jwa go reka gape leruo ka ditlhotlhwa tse di siameng fa maemo a tokafala.
Ditlhotlhwa tsa leruo mo legatong la morago ga komelelo ka gale ga di oketsege ka bonako, ka gonne diresefe tsa ditšhelete di fokotsegile.
Thekiso ya ka pele ya leruo e ya go tlhola maemo a a siameng go tsweletsa maemo tekatekano a polasa kgotsa go tlhola letseno, le le yang go thusa mo pakeng e telejana ya tswelelo pele ya kgwebo.
Fa komelelo e tswelela pele, rekisa leruo go fitlhela o setse ka palo ya ditshadi tse di dinnye, tse di siameng, tse di tswalang, tse go nang le kgonagalo ya gore di ka nna botlhokwa fa komelelo e khutla le bokgoni jo bogolo jwa go ntsha dikumo ka nako eo.
Fagola ditona ka motsi wa komelelo e e tswelelang go tila koketsego ya leruo.
Sekaseka bokgoni jwa go tshola jwa lefelo la phulo le le leng teng (sekao: tshekatsheko ya kgonagalo ya komelelo: maemo le tebego ya lefatshe la phudiso) somarela dikelo tse di siameng tsa leruo. Lefatshe le le gogolegang thata le ka amiwang mo go sa siamang ke go fula thata ka motsi wa maemo a komelelo ka jalo go babalela tshireletso ya bojang e e lekaneng go tshwanetse go selo se se botlhokwa mo mafatsheng a a ka amiwang ke kgogolego ya mmu.
Batlisisa / tlhotlhomisa bokgoni jwa lefelo la phulo ka go tlhopha mokgwa o o siametseng sentle maemo, sekao, phologolo e e latlhisitsweng e lebagane le tlhagiso ya dikgomo, go ikaegilwe ka mofuta wa Naga le maemo a pula.
Netefatsa gore lefelo la gago la phulo le arogantswe ka dikampa & o refosanye diphologolo magareng ga dikampa tse di farologaneng (sekao: dirisa phudiso ya thefosanyo); gape ka gale tlhokomela phologolo e e fulang, o dirisa molao wa "fula halofo & go tlogela halofo" go tila go fula thata.
Ka gale tila go fula that ka go koafatsa naga. Se se tlholwa leruo le le ntsi.
Dira lenanethoto la ditlhatshana tse di jewang le ditlhare; tsona di ka segiwa le go silwa go tlamela ka furu mo maemong a tshoganyetso.
Laola ditshedi tse di tlhaselang le mefero ka di gaisana le dimela tsa furu go bokgola jwa mmu jo bo leng teng mme di nyeletse lefelo.
Maatlafatso ya mafulo a tlholego ka go tsenya monawa o o golang ka bonako go tokafatsa diteng tsa poroteini e tala kgolo e e maatla ya bojang, le bokgoni jwa go tshola ka kakaretso.
Tila melelo ya naga ka gale ka go keleka ponelopele ya bosa le go rulaganya dithibela go phasalala ga molelo.
Dithibela go phasalala ga molelo di tswanetso go dirisiwa ka tswelelo go tila ditshenyo tsa molelo tse di sa tlhokegeng bogolosegolo ka motsi wa setlha sa molelo. Ba ba fisang naga ka mabaka a ikgoloji ba gakololwa go tlhokomela Molao wa No. 101 wa Bosetšhaba wa Molelo wa Sekgwa wa 1998 o o kayang gore mong wa lefatshe o tshwanetse go rulaganya le go soarela sethibela-molelo e bile o tshwanetse go netefatsa gore , ka go ela bosa tlhoko, tlelaemete, lefatshe le dimedi tsa lefelo, tse di a tlhokomelwa malebana le go tsenya dithibela-molelo kgaolo ya bo 4 ya Molao No.
Ga se amane le dilo tse di tukang tse di ka se kgontshang go fetisetsa molelo wa naga go se kgabaganya.
Molao wa Taolo ya Matlhotlhapelo (Molao No 57 wa 2002) o kopa Diporofense, batho le balemirui, go sekaseka le go thibela kgotsa go fokotsa kgonagalo ya matlhotlhapelo ka go dirisa tshedimosetso ya bonako ya kitsiso magareng ga tse dingwe.
Balemirui ba rotloediwa go keleka dikgakololo tsa ponelopele ya bosa tsa temothuo go tswa kwa Lefapheng la Temothuo le ponelopele ya bosa e e atolositsweng go tswa kwa Tirelong ya Bosa ya Aforika Borwa kgwedi le kgwedi. Balemirui ga pe ba gakololwa go abelana tshedimosetso e le ba bangwe.
Bokaedi jwa Talo ya Matlhotlhapelo le Kgonagalo ya Kotsi jwa Temothuo bo rata go leboga dikaedi tse di latelang: Dithulaganyo tsa Tlhagsiso ya Dimela, Tlhagiso ya Diphologolo le ya Akgwa, Tiriso ya Metsi le Tlhabololo ya Nosetso, Boitekanelo jwa Diphologolo, Boitekanelo jwa Dimela mmogo le Khansele ya Ditlhotlhomiso ya Temothuo le Tirelo ya Bosa ya Aforika Borwa mabapi le ditshwaelo tse di botlhokwa tsa tsona malebana le go rulaganya bukana e.
<fn>tsn_Article_National Language Services_DINTLHA TSA MOTHEO TSA MOLAO WA BOSUPI (2004).txt</fn>
Ga gona karolo epe ya lekwalo leno e e tshwanetseng go ntsifadiwa gongwe go fetisiwa ka mokgwa mongwe le mongwe fela gongwe ka tsela nngwe fela ntle le go bona tetla e e tlhokegang e kwadilwe.
Molao wa Bosupi ke sediriswa sa botlhokwa go gaisa se se ka dirisiwang ke mongwe le mongwe yo o eletsang go dira ka molao. Gore motho a kgone go dirisa sediriswa seno ka tshwanelo le ka bokgoni, go botlhokwa gore a bo a tlhaloganya dintlha dingwe tsa motheo tse gantsi di dirisiwang ke bakwadi mo diphasalatsong tse di farologaneng tse di ka ga Molao wa Bosupi.
Maitlhomo a lekwalo leno ke go baakanya le go tlamela batho ka bokgoni jwa go kgona go supa le go tlhaloganya dintlha tsa motheo tsa Molao wa Bosupi le go ba tlamela ka motheo o o tla ba kgontshang go tlhaloganya Molao wa bosupi ka botlalo.
Bosupi bo dirwa ke tshedimosetso e e tlhagisitsweng fa pele ga kgotlatshekelo go kgontsha kgotlatshekelo go swetsa ka dintlha tsa morero.
Fa go buiwa ka dintlha tsa bosupi go buiwa ka dintlha tsotlhe tse di ka dirisiwang jaaka bosupi mo kgotlatshekelo.
Molao wa Bosupi tota o ka ga go netefatsa dintlha mme o laola mokgwa o dintlha di tshwanetseng go netefadiwa ka gona. Dintlha di ka netefadiwa ka go dirisa mekgwa e e farologaneng ya dintlha tsa bosupi.
Setshwantsho se bontsha ka botlalo dikala tse di farologaneng tsa molao; se bontsha gore Molao wa Bosupi o wela ka fa tlase ga kala efe; tlhaloso ya Molao wa Bosupi le go supa gore Dintlha tsa Bosupi e ka nna eng.
Dintlhakemo tsa mmuso le lephata la molatofadiwa ga di tsewe jaaka bosupi mme boleng jwa tsona ke go susumetsa fela. Tsona tota ke megopolo gongwe ditshitshinyo tse maitlhomo a tsona e leng go gatelela ntlhakemo ya semolao gongwe seemo sa nnete mme di dirisediwa go tlhotlheletsa kgotlatshekelo go tsaya tshwetso e e rileng.
Pele ga go ka rebolwa katlholo, maphata a nna le tshono ya go tlhagisa dintlhakemo tsa bofelo tse di akaretsang bosupi jo bo tlhagisitsweng mo tsamaong ya tsheko.
Dintlha tsa morero ke dintlha tse lephata le tshwanetseng go di netefatsa gore le kgone go atlega mo kgetseng.
Dintlha tse gantsi di ka netefatsang dintlha tsa morero jaaka tsa nnete gongwe tse e seng tsa nnete.
Sekai: Mo kgetseng e mo go yona morero e leng gore rraagwe ngwana ke mang, ntlha ya morero e tla nna go supa rraagwe ngwana, mme go robalana le rraagwe ngwana e tla nna ntlha e e maleba mo nntlheng ya morero.
Ka bosupi jwa ntlha go kaiwa gore seno ke bosupi jo bo gaisang jo bo gona gongwe gore ga gona bosupi bope jo bongwe jo bo botoka (maatla).
Ka bosupi jwa bobedi go kaiwa gore go na le, gongwe go kile ga nna le bosupi jo bongwe jo bo botoka.
Sekai: Sekwalwa sa tshimologo se tsewa jaaka bosupi jwa ntlha fa dikhopi tsona e nna bosupi jwa bobedi.
Lefoko la prima facie ke sekapolelo se se kayang "ka ponagalo ya ntlha." Mo molaong sekapolelo sa prima facie se kaya fela gore bosupi jo bo fa pele ga kgotlatshekelo bo lekane go ka bona ntlha gongwe go simolola kgetse ntle le fa go ka supiwa ka tsela nngwe fa e se nnete.
Fa go sena bosupi bope jo bongwe jo bo ganetseng seo, bosupi jwa prima facie e tla nna bosupi jwa bofelo.
Ka bosupi jwa bofelo go kaiwa bosupi jo e leng gore ke jwa makgaolakgang mme go ka se ke ga tlhola go nna le bosupi bope fela jo bo ka bo ganetsang gongwe bo ka supa fa e se nnete.
Bosupi jwa mabaka ke bosupi jo bo sa tlhamalalang.
Sekai: Mo tshekong ya polao, go ka nna le bosupi jwa gore A o ne a na le lebaka la go bolaya B mme o bonwe a siane go tswa kwa ntlong ya ga B mme a tshotse thipa e e tletseng madi.
X o naya bosupi jwa gore o utlwile go thubega galase, mme ya re a gadima a fitlhela Y a eme fa pele ga fensetere e e thubegileng ya ga Z a sa ntse a tshotse letlapa.
Bosupi jwa tlhamalalo ke bosupi jwa se se bonweng ke mosupi yo o iponetseng ka matlho.
Sekai: Mo tshekong ya polao, C o naya bosupi jwa gore o ne a eme ka fa ntle ga fensetere ya ntlo ya ga B mme a bona A a tlhaba B.
Kamogelesego e kaya fela go amogelesega ga bosupi mme ga gona seemo sa kamogelesego. Bosupi bo ka amogelesega gongwe jwa seke jwa amogelesega. Gore a bosupi bo a amogelesega gongwe ga bo amogelesege go ikaegile fela mo go reng a bo maleba le gore a go bo amogela go tla gobelela molatofadiwa ka mokgwa mongwe.
Go amogela bosupi fa fela e le gore lebaka lengwe le le beilweng le tla bo le kgotsofaditswe kwa bokhutlong jwa kgetse. Fa lebaka leo le sa kgotsofadiwa, bosupi joo bo a ikgatholosiwa.
Kgotlatshekelo e sweditse gore sekwalwa se ka dirisiwa mo dipotsolotsong le fa lephata le le neng le ganetsa le ne le ganetsa gore ga se sa boammaaruri. Fa mmuso o setse o konoseditse kgetse ya ona, ke gona lephata le le sireletsang molatofadiwa le ka tlhagisang bosupi jo bo malebana le boamaaruri jwa sekwalwa. Fa go sena bosupi jwa gore ke sa boammaaruri, kgotlatshekelo e tshwanetse go ikgatholosa bosupi bope fela jo bo tlhagileng go tswa mo potsolotsong.
Gore kgotlatshekelo e swetse ka bomaleba, e tshwanetse go lebelela gore a bosupi jo bo tlhagisiwang bo amana le dintlha tsa morero.
Tshiamelo ke tshwanelo gongwe maikarabelo a a bonwang ke mosupi gongwe lephata lengwe go se tlhagise bosupi mo kgotlatshekelong. Go na le mefuta e megolo e le mebedi ya Ditshiamelo: Tshiamelo ya Poraefete le Tshiamelo ya Mmuso.
Ditumelo tse di tlwaelegileng ke ditumelo tse di dirilweng mo kgotlatshekelo tse di tsewang jaaka bosupi jwa bofelo mme di ka seke tsa ganediwa gongwe go gogelwa morago ntle le fela fa go ka kgotsofadiwa ditlhokego dingwe tsa molao.
Dikamogelo tse di sa tlwaelegang ke dikamogelo tse di dirilweng kwa ntle ga kgotlatshekelo, tse di ka tlhalosiwang gongwe go ganediwa.
Boipobolo ke fa molatofadiwa a amogela gore o molato ntle le pelaelo epe, mme fa bo ka dirwa fa pele ga kgotlatshekelo, bo tla amogelwa jaaka Go ipona Molato.
Kitsiso ya bosiamisi e kaya fa kgotlatshekelo e amogela dintlha tsa kitsokakaretso le kitso ya selegae jaaka di supilwe mme di ise di ke di supiwe jaaka nnete ka dipotsolotso tsa bosupi.
Megopolo e e ntseng e le gona ke tshwetso e e tswang mo dintlheng tse di rileng tse di ikaegileng ka molao. Go na le mefuta e le meraro ya megopolo.
Mokgweleo wa go supa o kaya maikarabelo a lephata a go supa gore kgetse ya bona ke nnete kwa ntle ga pelaelo epe, mme mo molaong wa rona wa bosenyi, mokgweleo wa go supa o mo magetleng a bosekisi.
Mokgweleo wa bosupi o kaya maikarabelo a lephata le lengwe a go tlhagisa bosupi jo bo lekaneng go kgontsha kgotlatshekelo go bitsa lephata le lengwe go tla go araba le go tlhagisa bosupi jo bo lekaneng go gwetlha kgetse ya prima facie e e dirilweng ke lephata le le ganetsang.
<fn>tsn_Article_National Language Services_DINTLHAKGOLO.txt</fn>
Legora la terata go dikologa ntlo le diheke tse di lotlelwang le botoka go na le lobota lo lo kwa godimo ka ntata ya go bonalatsa ga legora la terata. Terata ya logare, terata ya mebitlwa, dithini tse di lolea kgotsa ditshipi di ka gokelelwa mo legoreng go oketsa kgonagalo ya tsiboso ya ka bonako. Gakologelwa gore diheke di tshwanetse go nna di lotletswe.
Diheke tsa tshireletso ka diloko tse di thata fa pele ga setswalo sengwe le sengwe sa kwa ntle, gammogo le ditshipi tsa tshireletso fa letlhabaphefong lengwe le lengwe. Diheke tsa tshireletso di nne di lotletswe ka dinako tsotlhe.
Heke ya tshireletso e e ka fa teng ga ntlo e e kgaoganyang karolo ya marobalo le ntlo yotlhe e ka nna mosola thata fa go na le go tsenwa mo ntlong ka dikgoka. Segokaganyi sa tshireletso se tshwanetse go tsenngwa mo karolong e.
Dithunya di tshwanetse gore di nne gaufi ka dinako tsotlhe, mme fa go kgonagalang motho a se tshole mo go ena. Netefatsa gore dibetsa di a tsosolosiwa ka gale le gore motho yo o se tshotseng o siametse go se dirisa.
Saerini/Alamo kwa godimo ga dityhulelo e na le dikgonotswe tse di mmalwanyana ka fa teng ga ntlo e ka utlwala kgakala fa mekgwa mengwe ya tlhaeletsano e sa dire. Go botlhokwa go lekelela didiriswa tse kgafetsakgafetsa go netefatsa gore di ka utlwala kgakala.
Dintšwa tse di tlhokomelang le maganse ke ditsibosi tse di siameng thata. A di nne di lotleletswe gaufi le ntlo gore batho ba ba sa tlwaelegang ba se di fitlhelele bonolo.
Batho ba ba sa itsegeng ba ba leng teng, kgotsa ba ba sasankang gaufi le lefelo kwa ntle ga lebaka lepe le le tlhaloganyesegang.
Dikoloi tse di sa tlwaelegang di dirisa ditsela tsa polase kgotsa di ema mo polaseng. Lebelela metlhala e e sa itsegeng.
Go tswa mo mokgweng o o tlwaelegileng ga badiri. Go dirisa kgotsa go reka dijo ka bontsi ga badiri. Go fetoga ga maitsholo a badiri ba ba leng teng ka bonako fela fa go sena go thapiwa modiri yo mošwa.
Go swa ga ntšwa e e tlhokomelang ka tsela e e sa tlhaloganyesegeng.
Tlhokomela bosupi ba go nna teng ga basasanki, sekai dibotlolo kgotsa meteme e e lolea, masaledi a dipampiri, dikonopi tse di kgaogileng, matsela a a gagoileng, metlhala ya maoto kgotsa ya ditlhako, melelo e e timileng gaufi le polase, mesima ya metsi le mariba a noka, masaledi a dijo, ditompo tsa disakarete, mabokoso a a lolea, mantle, megala, j.j.
Go utswiwa ga dijo, lookwane, loruo le diphologolo.
Baeng ba ba etelang bonno jwa gago e kete ka mabaka a a utlwalang mme ba leka go bona dilo dingwe ka bokhukhuntshwane.
Emela ditshwanelo tsa gago jaaka mong wa polase. Baeng ba ba tsenang mo polaseng ya gago kgotsa ba etela badiri ba tshwanetse go bona tetla ya gago pele. Ikgolaganye le sepodisi sa selegae ka ga se Molao o go letlang go se dira le gore o ka diragatsa se jang mo polaseng ya gago.
Nna le dikamano tse dintle le badiri.
Rotloetsa badiri botlhe go tlhokomela mabaka a tshireletsego le go bega bosenyi jotlhe.
Duela badiri ba gago tebang le dintlha le tshedimosetso e e mosola.
O se ka wa letlelela mongwe le mongwe mo polaseng kgotsa mo ntlong ya gago kwa ntle ga go netefatsa sentle gore ke bomang, segolo thata bosigo.
Didiriswa tsotlhe tse di ka dirisiwang jaaka dibetsa di tshwanetse go lotlelelwa fa di sa dirisiwe.
Tlosa dilotlolo tsotlhe mo dikoloing fa di sa dirisiwe.
Fa o tswa mo ntlong itlwaetse go itsise moagisani gore o ya kae, tsela e o tla e tsayang le gore o ikaelela go bowa leng.
Lekelela mogala wa gago kgafetsakgafetsa go netefatsa gore o dira sentle. Mogala wa gago o bewe mo lefelong le le fitlhelelwang bonolo mo ntlong, mme o sa lebagana le fa o ka thuntshiwang kgotsa o sa lebagana le letlhabaphefo.
Ka gale tshola totšhe bosigo, mme fa o dirisa totšhe tlhokomela gore ga e bontshe seemo sa gago.
Nna kelotlhoko kgatlhanong le bogodu jwa lookwane le dithoto.
Fetola ditiro tsa gago tsa letsatsi.
Itlwaetse go se robale ka bonako fa o fetsa go tima dipone. Nna o phaphame nakonyana. O se ke wa robala mo lefelong le e leng gore o a bonala go tswa kwa ntle.
O se ka wa ema fa pele fa matlhabaphefo fa o bula le go tswala digaretene. Tsamaya le garetene gore o se ka wa itlhagisa jaaka motswasetlhabelo.
Tsaya ditshwantsho le go gatisa menwana ya badiri botlhe ba gago. Le fa di sa dirisiwe di simetse go nna dikgoreletsi tsa bosenyi.
Ikatiso ka tlhobolo kgafetsakgafetsa (mo go babalesegileng) ke sekgoreletsi se se siameng mo mothong yo nang le maikaelelo a go senya.
Ruta bana ba gago mokgwa o o siameng wa go araba mogala gammogo le go tila puisano le batho ba ba sa ba itseng kgotsa go amogela dimpho go tswa mo bathing ba ba sa ba itseng.
Akanya - o se ka wa tshoga. Taolo ke kgato ya ntlha ya gago ya boiphemelo.
Sekaseka maemo - a go na le mongwe fa gautshwane Dira modumo ka fa go ka kgonagalang?
Ga go eletsege gore o nne kgatlhanong le motlhasedi ntle le fa e le gore go tla go thusa go falola KA MOTSOTSO OO.
Fa go ka diragala ka bonako fela gore o lwe, o se ka wa boela morago. O gobatse motlhasedi. Kganela motlhasedi wa gago go suta ka go dirisa maano a go itshireletsa go fitlhela o bona thuso kgotsa o kgona go falola.
Fa go sa kgonagale gore o ka lwa, leka go bona matshwao a tshupo. Lekanyetsa dingwaga, seemo, mmala wa moriri, mabadi, diaparo, puo le mekgwa ya maitsholo a motlhasedi.
Leka ka bojotlhe go tlogela sesupo mo lefelong la tlhaselo. Metlhala ya menwana, disakatuku, dibenya kgotsa mofuta mongwe le mongwe wa ikitsiso o ka go tswela mosola moragonyana.
Batho ba e kabong e nnile batlhokofadiwa ba falotse tlhaselo ka go buisana sentle le batlhasedi ba bone (go ipuelela go tswa mo kotsing).
<fn>tsn_Article_National Language Services_DIPEGELO TSA NGWAGA LE NGWAGA TSA MOAKHAEFE WA BOSETèHABA (2000).txt</fn>
Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Aforika Borwa ke tlamelo ya botlhokwa tota e e tlamelang ka tshedimosetso go puso, ditheo tsa borutegi mmogo le tsa dipatlisiso gammogo le go baagi. Ke lona motheo wa puso e e seng bofitlha le e e rwalang maikarabelo.
Ka moo, ke motlotlo go bega, go ya ka karolwana ya 10 ya Molao wa Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Aforika Borwa (Wa bo 43 wa ngwaga wa 1996), ka ga ditiro tsa Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa paka ya go tloga ka 1 Moranang 2000 go fitlha go 31 Mopitlwe 2001.
Ke simolotse go rwala maikarabelo a go nna Moakhaefe wa Bosetšhaba ka la 1 Mopitlwe 2001, mme ke rata go leboga Tona, Motlatsatona le Mokaedi Kakaretso ka kgatlhego le kemonokeng e ba nnileng le yona go Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba. Ke rata gape go lebogela badiri ba Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba mmogo le Biro ya Bokwadi jwa Matshwao a Puso boineelo le botswapelo jo ba dirileng ka jona.
Malebo a magolo ke a lebisa go yo ke tsereng marapo mo go ena e leng Marie Olivier, yo o rotseng tiro ka Lwetse 2000. Ke mo eleletsa masego le pholo kwa a gona. Go botlhokwa gore go tlhalosiwe fano gape gore Ramatshwao wa Puso, Rre Fred Brownell, o rotse tiro semmuso mo pakeng ya pegelo eno morago ga go direla lephata la matshwao a puso sebaka se seleele.
ka go somarela boswa jwa diakhaefe tsa bosetšhaba go dirisiwa ke puso mmogo le baagi ba Aforika Borwa; le go etleetsa puso e e bokgoni, e e nang le maikarabelo mme gape e se bofitlha, ka tsamaiso e e lolameng le go tlhokomela direkoto tsa puso.
go netefatsa gore direkoto tsa setšhaba di tsamaisiwa le go tlhokomelwa sentle.
go etleetsa tsiboso ka ga tsamaiso ya diakhaefe le direkoto, mmogo le go rotloetsa ditiro tsa botsamaisi jwa diakhaefe le direkoto; mmogo le go etleetsa ka kakaretso, tlhokomelo le tiriso ya boswa jwa diakhaefe tsa bosetšhaba.
Jaaka mo pakeng ya pegelo ya 1999/2000, ditiro tsa Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba mo pakeng e e sekasekwang di ne di lebeletse thata go tsweletsa lenaneo la go tiisa go aga popego ya mmakgonthe ya thulaganyo e ntšhwa ya diakhaefe tsa Aforika Borwa. Thulaganyo eno e theilwe mo go rolelweng ga maikarabelo a puso tebang le diakhaefe go tswa mo pusong ya bosetšhaba go ya kwa diporofenseng tse robongwe jaaka go tlametswe ke Molaotheo. Go ya ka Mametlelelo 5 ya Molaotheo, "diakhaefe tse dingwe ntle le diakhaefe tsa bosetšhaba" di tsewa e le "ditiro tse maikarabelo a tsona a lebaganeng le kokoanotheomolao ya diporofense". Tirelo eno e ntšhwa e e tlhabolotsweng ya diakhaefe tsa setšhaba e tlhalosiwa sentle ke Molao wa Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Aforika Borwa (Wa bo43 wa ngwaga wa 1996) ga mmogo le melawana ya ona. Melao e mengwe ya bosetšhaba e e amanang le ona e tshwana le Molao wa Tetlokhopi (Wa bo98 wa ngwaga wa 1978), Molao wa didipositi tsa Molao (Wa bo54 wa ngwaga wa 1997), Molao wa Thotloetso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso (Wa bo2 wa ngwaga wa 2000) gammogo le Molao wa Thotloetso ya Tshiamiso ya Botsamaisi (Wa bo3 wa ngwaga wa 2000) e konotelela letlhomeso la thulaganyo ya molao. Go ne go lebeletswe ditlhabololo dingwe tse di sa reng sepe tsa Molao wa Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Aforika Borwa kwa bokhutlong jwa paka ya pegelo. Ditlhabololo tseno di ka fitlhelwa mo Molaotlhomong wa Tlhabololo ya Melao ya Setso o o tlhagisitsweng kwa palamenteng kwa bokhutlong jwa paka ya pegelo.
Go tsenngwa tirisong ga Molao wa Didipositi tsa Molao go okeditse seabe sa Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba. Go latela seno, mo pakeng ya pegelo go beilwe ditlhagiso tsa kutlopono di le 222 kwa lephateng la diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Dibaesekopo, Divideo le Medumo. Ka kgwedi ya Tlhakole mo ngwageng wa 2000, go fetisitswe Molao wa Thotloetso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso. Mme jaanong tlamelo ya phitlhelelo ya dithoto go ya ka Molao wa Bosetšhaba wa Diakhaefe tsa Aforika Borwa o ikaegile ka ditlamelo tsa Molao ono. Go sa ntse go tshwaraganwe le go kwala Molaotlhomo o mongwe o o malebana le phitlhelelo, mme o tlamela ka tshireletso ya tshedimosetso ya motho. Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba le nnile le seabe mo go kwaleng melao eno yotlhe. Modiri wa Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba o dirile ditlhagiso di le mmalwa tse di malebana le bokao jwa molao ono mme tsona di diretswe badiri le ditheo tse dingwe.
Batlhankedi ba Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba ba ne ba ntse ba ya kwa kantorong ya kwa Kapa ya Khomišene ya Nnete le Poelano go thusa ka go kgobokanya direkoto tsa Khomišene gore di tle di fetisediwe kwa Diakhaefeng tsa Bosetšhaba fa Khomišene e sena go phatlhaladiwa. Tirisanommogo eno e latela tumelano ya semolao e e diriwelng ke maphata oo mabedi.
Ntlha ya botlhokwa mo thulaganyong e ntšhwa ke Khomišene ya Diakhaefe tsa Bosetšhaba. Yona e thapilwe ke Tona go latela thulaganyo ya e e akareditseng go tlhophiwa ke ditokololo tsa setšhaba, mme yona ke leitlho la Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba la Tona le setšhaba mme gape e na le ditiro tse dingwe tsa botlhokwa tse e di dirang. E ka fa tlase ga Tona ka tlhamalalo. Tiro ya Khomišene e amilwe ke mathata a ditlamelo mme kwa bokhutlong jwa paka ya pegelo, go ne go tshwarwa dikopano le Tona go leka go rarabolola mathata ano. Dingwe tsa ditlhabololo tse di fitlhelwang mo Molaotlhomong wa Tlhabololo ya Melao ya Setso o go kailweng ka ona fa godimo di lebeletse go rarabolola mathata ano.
Ka la 1 Moranang 1999, tlamelo ya kwa Port Elizabeth e ne ya fetisediwa kwa Porofenseng ya Kapa Botlhaba ka maitlamo a gore go tla nna le tshegetso ya tekanyetsokabo mo pakeng ya dingwaga di le tharo ya tekanyetsokabo. Go latela seno, tlamelo eno e ne ya kopanngwa le ditlamelo tse dingwe tsa porofense tsa diakhaefe tse di fitlhelwang kwa King William's Town le Umtata go tlhama tirelo e e atologileng ya diakhaefe tsa porofense. Go sa ntse go na le go tshwenyega ka gore a seno se tla kgona go tswelediwa sentle. Go nnile le patlisiso ya seemo sa diakhaefe tsa diporofense mo ngwageng wa 2000. Tshekatsheko ya diphitlhelelo tsa patlisiso eno e netefaditse fa ditirelo tsotlhe tsa diakhaefe tsa diporofense, e seng fela tsa Porofense ya Kapa Botlhaba, di ka nna le mathata a go tswelediwa pele sentle fa go ka seke ga nna le tsereganyo le kemonokeng go tswa kwa pusong ya bosetšhaba ka lephata la yona la Diakhaefe tsa Bosetšhaba.
Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba le na le ditlamelo mo diporofenseng di le nne tsa di le robongwe tse di gona. Ditlamelo tseno di ntse di dira le ditirelo tsa diakhaefe tsa se e neng e le dipusoselegae gammogo le ditheo tse dingwe tsa diporofense go netefatsa gore go na le tlamelo e e golaganeng ya tirelo gammogo le go tsamaisa thulaganyo ya gore ditirelo di tsamaisiwe go tswa kwa diporofenseng. Ke ka moo e keteng thulaganyo ya go dira gore tsamaiso e dirwe kwa diporofenseng e bonya. Ke kwa Kapa Botlhaba fela kwa tlamelo ya Diakhaefe tsa Bosetšhaba e roletsweng gona. Kopo ya semolao ya tholelo e e amogetsweng go tswa kwa KwaZulu-Natal e tla konosediwa ka 31 Mopitlwe 2001. Diporofense tse di nang le ditlamelo di se kae tsa diakhaefe gongwe tse di senang sepe gotlhelele - Gauteng, Mpumalanga, Kapa Bokone, Porofense ya Bokone gammogo le Bokone Bophirima, di setse di tlhagisitse matshwenyego a tsona kwa pusong ya bosetšhaba gore ke mang yo o rwalang maikarabelo a go tlamela ka madi a ditlhokego tsa tlamelo. Lephata la diakhaefe tsa Bosetšhaba le rulaganya Foramo ya patlomaikutlo e maitlhomo a yona e leng go rarabolola bothata jono mme yona e rulaganyediwa go simololwa mo karolong ya bofelo ya ngwaga wa 2001. Diporofense tsotlhe di amogetse kgakololo le tlamelo ya tirelo ka tlhamalalo go tswa kwa Lephateng la Diakhaefe tsa Bosetšhaba mo magatong a a farologaneng. Botsamaisi jwa thulaganyo ya go rolela tsamaiso kwa diporofenseng bo akareditse Moakhaefe wa Bosetšhaba gore a kgone go buisana le mafapha a bosetšhaba a Ditshenyegelo tsa Puso mmogo le Tsamaiso ya Tirelo ya Setšhaba, Khansele ya Ditona tsa Setso, Komiti ya Setegeniki ya Khansele mo diporofenseng tsotlhe ka borobongwe. Mo pakeng ya pegelo, Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba le thusitse diporofense tsotlhe go kwala melao ya tsona ya diakhaefe. Ga jaana, porofense ya Bokone Bophirima e tsweletse go amogela kaelo e e tseneletseng tebang le go kwala molao wa yona mmogo le katiso ya badiri. Go nnile le dipuisano di le mmalwa. Ka ngwaga wa 1999, porofense ya Foreisetata e fetisitse Molao wa yona wa Diakhaefe mme le gale ga e ise e dire kopo ya semolao ya gore go rolelwe tlamelo ya Bosetšhaba ya Diakhaefe e e kwa Bloemfontein kwa go yona. Ga go ise go amogelwe kopo ya semolao ya go rolela tsamaiso kwa porofenseng ya Kapa Bophirima.
Mogopolo le thulaganyo ya Tlhabololo di a akaretsa. Mo Lephateng la Diakhaefe tsa Bosetšhaba gona e tlhalosiwa ke dipholesi tsa puso ka bophara le mananeo, gammogo le ditlamelo tse di rileng tsa Molao wa Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Aforika Borwa. E tlhalosa se re leng sona le se re se dirang. E tshwanetse go diragala mo magatong a setheo le a seporofešenale.
Dipholesi tse di ntseng di tlhagelela tsa puso ka bophara tse di malebana le tlhabololo di lebeletswe mme tsa tlhalosediwa badiri. Dipholesi tseno di tsentswe tirisong. Go dirilwe tlamelo e e maleba ya go ela tlhoko seno. Go tlhamilwe makgotla gore a rarabolole mathata a a ka tlhagelelang le go supa ditshono. Go tshwerwe dithutano di le tharo tsa badiri. Mo godimo ga moo go rulagantswe metseletsele ya dithutano tsa go sekaseka tlhabololo mo lephateng la Diakhaefe tsa Bosetšhaba tse di tshwerweng naga ka bophara. Kwa bokhutlong jwa paka ya pegelo, go ne go setse go bonagala phitlhelelo ya tlhabololo mme tiro ya tlhabololo e tswelediwa ke ditheo le mananeo a a rileng. Seno se supa kgabaganyo e e amogelesegang go tswa kwa go tlhameng pholesi le go tlamela ka thuto go ya go go tsenya tirisong. Go simolotswe thulaganyo ya go sekaseka go ka rulaganya seswa tlhabololo le kgokaganyo. Ka kgwedi ya Seetebosigo 2000, Lephatapotlana la Bokaedi la: Togamaano, Kgokaganyo le Tlhabololo le ne la rulaganngwa seswa mme Tlhabololo ya akarediwa mo Kgokaganyong.
Go tlhabololwa ga ditiro tsa botlhokwa tsa diakhaefe go tswelela go elwa tlhoko. Ketapele e kgolo mo maitlhomong ano mo ngwageng wa 2000/2001 e nnile go tlhomiwa ga website ya lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba e ka yona Thulaganyo ya Bosetšhaba ya Tshedimosetso ya Atomatiki ya Diakhaefe e tla kgonang go dirisa mathale a web. Porojeke eno ke ya ntlha mo lephateng la tirelo setšhaba ka ntlha ya fa bontsi jwa ditlamelo tsa tshedimosetso di sa dirise mathale a web. Ke ka moo lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba e leng karolo ya ntlha ya puso go dira gore ditlamelo tsa tshedimosetso di fitlhelelwe ka Inthanete, mme ka go dira jalo e le go akgela mo pusong ya eleketoroniki e e se nang bofitlha mme e ka kgona go ikarabela mo baaging.
Maitlhomo a bobedi ke Lenaneo la Bosetšhaba la Hisetori ka Puo. Ka ngwaga wa 1999/2000 lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba mmogo le maphata a a farologaneng a Lefapha la Botsweretshi, Setso, Saense le Thekenoloji a ne a simolola porojeke ya hisetori ka puo go rotloetsa le go ema nokeng go simololwa ga puo mo ditlamelong tsa diakhaefe mmogo le go thiba diphatlha tse di tlhodilweng ke dipholesi tsa go boloka diakhaefe tsa tlhaolele. Seno se latetswe ke porojeke ya tekeletso e e neng ya tsaya moono wa yona go nna mogwanto o o itsegeng wa diketeke tsa basadi ba Aforika Borwa go ya kwa dikantorong tsa Union Buildings ka di 9 Phatwe 1956, o le kgatlhanong le go patelediwa ga basadi ba bantsho gore ba tshole dibukana tsa dipasa ka dinako tsotlhe. Go tsweletswe go tlhabolola bokgoni mo lephateng leno mme batlhankedi ba tsenela dikatiso tse di tseneletseng mme bontsi bo kwa Kapa koo ba ba nang le seabe mo porojekeng ya hisetori ka puo ba bonang katiso e e tshwaraganetsweng ke ANC le Yunibesithi ya Connecticut. Go solofetswe gore diporojeke tsa hisetori ya puo di tla nna le seabe se segolo mo go gwetlheng megopolo e e gona ya gore tota tirelo ya diakhaefe ya setšhaba ke eng, gammogo le go dira gore go nne le tlamelo ya go dirisa mekgwa ya tlholego ya go bopa ditirelo tsa rona. Tlamelo ya Diakhaefe ya Foreisetata e setse e tsibogetse seno ka "Porojeke ya Batho" e e akaretsang go kokoanngwa ga metswedi ya puo e e akaretsang go rulaganya seswa hisetori ya motsesetoropo wa Batho.
Bothata bongwe jo bogolo jo bo amang tlhabololo e e ka ga maitlhomo a diakhaefe ke go tlhaela ga baakhaefe ba ba nang le borutegi jo bo maleba. Tlhaelo eno ga e ame fela tlhabololo mme e ama tlhata tlamelo ya ditirelo. Tlhaelo ya badiri e kaya gore ditiro tsa tlwaelo ga di dirwe ka moo go tshwanetseng ka teng mme seno se tlhodile gore setšhaba se supe lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba ka monwana.
Seno se dirile gore go elwe tlhoko thata katiso le tlhabololo ya leano la katiso e e kgethegileng.
Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba le na le seabe se segolo mo thulaganyong e e tlhodileng go tlhamiwa ga Lephata le le Laolang Seemo sa Tsamaiso ya Diakhaefe le Direkoto le le beilweng leitlho ke Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa. Se se lebeletsweng mo Lephateng leno le modulasetilo wa lona e leng modiri wa Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba, ke go tlhabolola letlhomeso le le tlhamaletseng la thuto le katiso mo lephateng leno. Mo ngwageng wa 2000/2001, Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba le ne la tswelela go thusa Yunibesithi ya Witwatersrand go tlhoma dikhoso tsa dithuto tsa diakhaefe ka katlego mme gape la tswelela go ema nokeng Thekenikono ya Aforika Borwa (TSA) ka go tlhabolola dikhoso tsa bona tsa tsamaiso ya diakhaefe le direkoto. Re nnile gape mo Khanseleng ya Bogakolodi ya Thekenikono ya Aforika Borwa. Khoso e ntšhwa ya morago ga tsereganyo eno, e tla itsesewe ka ngwaga wa 2002.
Go nnile le diphitlhelelo tse di bonalang mo maphateng a le mantsi.
Go netefatsa gore go nna le kemedi e e bonalang mo legatong la magareng la botsamaisi koo bontsi jwa badiri ba rona e sa ntseng e le basweu. Gore go bonwe katlego mo ntlheng eno, le fa e le mo pakeng e khutshwane fela, go tla tlhokega gore go tlholwe diphatlhatiro tsa tlaleletso mme gape go lebelelwe kgonagalo ya gore go ka agwa setheo seo seswa.
Go katolosa mananeo a katiso le tlhabololo.
Go bona ditlamelo tse di ka tshegetsang go tlamela ka ditirelo botoka.
Go gola ga Aforika Borwa jaaka naga ya temokerasi, go bopa le go ama dintlha tsotlhe tse di malebana le go dira ga lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba. Seabe sa rona mo go ageng thulaganyo e ntšhwa ya diakhaefe tsa bosetšhaba gammogo le ya tlhabololo ya rona di setse di tlhalositswe fa godimo.
Go tshwaela mo Melaotlhomong le mo dikwalong tse dingwe tsa maikemisetso.
Go nna le seabe mo dithulaganyong tsa tlhabololo tsa mo gare tsa Lefapha la Botsweretshi, Setso, Saense le Thekenoloji.
Go nna le seabe mo go kwalweng ga Molao wa Ditlamelo tsa Bosetšhaba tsa Ngwaoboswa, Molao wa Khansele ya Bosetšhaba ya Ngwaoboswa, Molao wa Thotloetso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso gammogo le Molaotlhomo wa Tlhabololo ya Melao ya Setso.
Go nna le seabe mo diporojekeng tse di tlhakanetsweng le ditheo tse dingwe tse maitlhomo a tsona e leng go aga temokerasi (di tlhalositswe kwa mafelong mangwe gona mo pegelong eno).
Go gakolola le go thusa Khomišene ya Nnete le Poelano ka mekgwa e e farologaneng: go tsamaisa dipatlisiso; go fetisitswe direkoto tsa setšhaba go thusa Khomišene; go gakolotswe le go ema nokeng badiri ba thuso ba Khomišene tebang le tsamaiso e e lolameng ya direkoto tsa setheo; mme gape badiri ba lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba ba thusitse thata mo dintlheng tse di farologaneng fa go baakanngwa diakhaefe tsa Khomišene. Setlhopha sa tiro se se neng se thapetswe go tlhokomela go fetisediwa ga diakhaefe tseno go rona mme go lebeletswe gore seno se diragale kwa bokhutlong jwa thulaganyo ya kgololesego, se dirile tiro e e matsetseleko ya go baakanyetsa seno.
Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba ke tokololo ya Khansele ya Boditshabatshaba ya Diakhaefe mme gape le na le seabe se segolo mo ditheong tse dingwe tse di potlana tsa yona go akarediwa Lekala la Kgaolo ya Botlhaba le Borwa jwa Aforika e e itsegeng ka ESARBICA, mokgatlho wa diakhaefe wa Round Table o o itsegeng ka CITRA, gammogo le Khomišene ya Tlhabololo ya Diakhaefe e e itsegeng ka CAD. Moakhaefe wa Bosetšhaba ke tokololo ya Boto ya Khuduthamaga ya ESARBICA. Modiri wa lephata o ne a tlhophiwa go dira jaaka morulaganyi wa Boto ya ESARBICA. Badiri ba lephata leno ba thusa ka boitseanape mo dikomiting di le pedi tsa Khansele ya Bosetšhaba ya Diakhaefe. Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba gape ke tokololo ya Mokgatlho wa Kgweranoditshaba wa Baakhaefe le Batsamaisi ba Direkoto o o itsegeng ka ACARM, Mokgatlho wa Boditshabatshaba wa Diakhaefe tsa Dibaesekopo o o itsegeng ka FIAF, Mokgatlho wa Boditshabatshaba wa Diakhaefe tsa Medumo o o itsegeng ka IASA, Khansele ya Boditshabatshaba ya Tsamaiso ya Direkoto e e itsegeng ka IRMC, gammogo le Mokgatlho wa Boditshabatshaba wa Seemo o o itsegeng ka ISO.
Tumelano magareng ga Tona ya Botsweretshi, Setso, Saense le Thekenoloji le molekane nae ka kemo wa Namibia, tebang le gore go busediwe kwa Namibia, direkoto tse di tlositsweng ke Aforika Borwa kwa nageng eo pele fela ga go tla tsenngwa tirisong boipuso jwa naga eo. Di le pedi tsa merwalo e le meraro ya tsona di setse di rometswe kwa Namibia morago ga gore direkoto tsotlhe di tsenngwe mo macrofilm. Morwalo wa boraro o tla romelwa fela fa Lefapha le sena go rebola matlole.
Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba le tsweletse go nna le seabe se se bonalang mo Lenaneong la Tsamaiso ya Direkoto tsa Setšhaba la Terasete ya Boditshabatshaba ya Tsamaiso ya direkoto.
Re na le kemedi kwa porojekeng ya tshomarelo ya ditlamelo tsa diakhaefe le dilaeborari mo Aforika e e tshwaraganetsweng ke ICA le Mokgatlho wa Boditshabatshaba wa Mekgatlho ya Dilaeborari.
Ka la 1 Ngwanaatsele 1999, Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba, fela jaaka ditheo di le mmalwa tsa diakhaefe mo Aforika Borwa, le ne la saena tumelano ya go tshwaraganela diporojeke mmogo le Yunibesithi ya puso ya Michigan. Tumelano ya semmuso magareng ga Yunibesithi ya Puso ya Michigan le Lefapha la Botsweretshi, Setso, Saense le Thekenoloji e ne ya tlhomamisiwa ka ngwaga wa 2000. Go latela seno, re na le seabe mo thulaganyong ya Tirisanommogo ya Aforika Borwa le Amerika le Yunibesithi ya Puso ya Michigan gammogo le baemedi ba lephata la diakhaefe la Aforika Borwa. Modiri wa rona o ne a tsweletsa dithuto mo lephateng leno ka Ferikgong 2000 kwa Yunibesithi ya Connecticut.
Re na le seabe mo Lenaneong la Netherlands/Aforika Borwa la go ya kwa Pakeng E ntšhwa ya Tirisanommogo. Lenaneo leno le le itsegeng ka TANAP le simolotswe ke Yunibesithi ya Leiden le lephata la Diakhaefe tsa Puso ka Kakaretso la Netherlands. Maitlhomo a lona ke go tokafatsa go fitlhelesega le go nna teng ga diakhaefe tsa "Verenigde Oostindische Compagnie" (VOC), tse di fitlhelwang kwa mabeelong a Netherlands, Aforika Borwa mmogo le kwa dikarolong dingwe tsa Asia.
Modiri wa rona o ne a thapiwa kwa Botong ya Borulaganyi ya Jenale ya boditshabatshaba ya Saense ya Diakhaefe.
Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba le kopilwe go nna baamogela baeng ba Khonferense ya Boditshabatshaba ya boXXXVII ya Diakhaefe ya Mokgatlho wa Round Table ka ngwaga wa 2003 (CITRA 2003). Dithulaganyo tsa tiragalo eno di tsweletse sentle.
Go fitlhelelwa ga dilo dingwe go diragala ka go fetisiwa ga direkoto tsa setšhaba tsa botlhokwa go tswa kwa maphateng a puso gongwe ka go kgobokanya direkoto tse e seng tsa setšhaba. Tiro eno e dirwa ke badiri kwa mafelong a le matlhano a diakhaefe mmogo le kwa ditikwatikweng di le tharo tsa direkoto tse di fitlhelwang kwa ditoropokgolong di le tlhano. Maitlhomo magolo a ditikwatikwe tsa direkoto ke go tlhokomela direkoto tsa setšhaba tse di se nang dingwaga di le 20, go raya gore tse go iseng go patelesege gore di fetisediwe mo tlhokomelong ya lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba.
Go fitlheletswe palogotlhe ya boleele jwa dimetara di le 6 047.32 tsa direkoto tse di kwadilweng mo pampiring mo pakeng e e sekasekwang, mme mo go tsona dimetara di le 124.36 e ntse direkoto tse e seng tsa setšhaba. Diphitlhelelo tse dingwe (tse di sa akaretseng di rekoto tsa eleketoroniki) di ntse jaana: dimmapa di le 52, dinepe di le 608, dilo tsa microfiche di le 965, maotwana a dibaesekopo a le 303 (tsotlhe e le direkoto tse e seng tsa setšhaba). Mo pakeng eno ya pegelo, Lephata la diakhaefe tsa bosetšhaba tsa Dibaesekopo, DiVideo mmogo le Medumo le kgonne go fitlhelela dilo di le 222 go ya ka molao wa poloko ya tsa molao.
Go fitlhelelwa, go tlhokomelwa mmogo le go laolwa ga direkoto tsa eleketoroniki go tsamaisiwa ke komiti ya dikarolo ya Botsamaisi jwa Direkoto tsa Eleketoroniki. Komiti eno e dira le Bureau Nucleus, e leng setheo sa puso se lephata la Diakhaefe tsa Setšhaba le nang le tumelano nalo ya go tlamela ka bokgoni jwa setegeniki, thulaganyo mmogo le tirelo ya go boloka. Mo pakeng eno e e sekasekwang, lephata la Diakhaefe tsa Setšhaba le fitlheletse "setshwantsho" sa PERSAL (bobolokelo jwa puso jwa tsamaiso ya badiri). Sona se ne sa fetolelwa ka katlego gore se nne le khopikgolo mmogo le dikhopi tsa tlaleletso mme tse dingwe tsona di bolokilwe ke ba Bureau Nucleus. Go fitlheletswe "setshwantsho" sa PERSAL sa 2000 go tswa go lephata la Ditshenyegelo tsa Puso. Go tshwerwe kopano le Setheo sa Tshedimosetso ya Thekenoloji sa Puso se se itsegeng ka SITA, ka kgwedi ya Ferikgong 2001 tebang le "setshwantsho" sa ngwaga le ngwaga sa PERSAL. Go fetisiwa gotlhelele ga tshedimosetso ya PERSAL ka mafelo a Mopitlwe ngwaga le ngwaga go ka fokotsa gongwe ga fedisa gotlhelele "setshwantsho" sa ngwaga le ngwaga sa PERSAL se se ntseng se tsewa sebaka sa dingwaga di le tlhano tse di fetileng. Ntlha eno e supa botlhokwa jwa gore go tsewe dikgato tse di matlhagatlhaga fa re ikaelela go tila go latlhegelwa ke kitso ya eleketoroniki ya Aforika Borwa.
Setshwantsho 1 se supa gore bobolokelo jwa lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba bo kana kang le gore go sa ntse go na le phatlha e kana kang gore go ka kgobokanngwa gape. Mo ngwageng ono, go rulaganngwa seswa ga bobolokelo, go dirwa ga diraka tsa tlaleletso mmogo le mabeelo a direkoto go dirisitswe gape go kgontsha gore go dirisiwe mafelo a bobolokelo ka botlalo. Go fopholediwa gore thulaganyo eno e dirile gore gonne le mafelo a mangwe gape a diraka a ka feta boleele jwa dimetara di le 6 600.
Phasalatso ya diphatlha tse di sa dirisiweng ga e dirwe sentle. Fa dilo tse di iseng di rulaganngwe mmogo le diphetiso tse di iseng di wediwe di ka lebelelwa, go ka lemogwa fa lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Dibaesekopo, DiVideo mmogo le Medumo, Tikwatikwe ya Direkoto ya Motse Kapa mmogo le Tikwatikwe ya Direkoto ya Tshwane di tletse.
Thulaganyo ya tlwaelo ya go boloka e ne e dira gore go tlogelwe diphatlha tsa go boloka mo isagong. Seno se kaya gore le fa mo makwalong go ka lemogwa e kete Lefelo la Bobolokelo la Diakhaefe tsa Bosetšhaba le setse le dirisitse diraka tsotlhe tse di neng di sa dirisiwe, nnete ke gore ga gona phatlha ya go amogela direkoto tse dingwe go tswa ka badiring ba direkoto. Gore go fetolelwe seno kwa thulaganyong e e dirang botoka ya go boloka, go tlhoka ditlamelo tsa badiri mme seno ke se lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba le se tlhaelang.
Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng, mafelo a bobolokelo a ne a patelesega go emisa pele go fetisiwa ga direkoto mme seno sa dira gore kelo ya go kgobokanya e wele tlase. Go ya ka kelo "e e tlwaelegileng" ya go kgobokanya, mafelo a a sa dirisiweng a diraka a tshwanetse go tlala mo sebakeng sa dingwaga di le nne.
Mokgwa o o bonolo wa go netefatsa gore go na le taolo mo mabolokelong ke wa go dirisa buka ya kwadiso ya mabolokelo. Gale le gale go ntse go dirisiwa mokgwa wa manyuale mme le gale Mabolokelo a Diakhaefe a Bosetšhaba, Cape Town, Durban, Free State le Pietermaritzburg a setse a na le mekgwa ya kwadiso ya eleketoroniki.
Mabolokelo otlhe a na le dilaeborari tse di dirisiwang ke badiri le babatlisisi. Mo pakeng eno e e sekasekwang go amogetswe dilo di le 69 mme seno sa tlisa palogotlhe ya tse di bolokilweng go 64 349.
Bontsi jwa tsona ke dibuka.
Fa direkoto di sena go amogelwa, di rulaganngwa ka go farologanngwa le go tlhomaganngwa ka manaane mme di ka kgona go fitlhelelwa sentle ke badirisi fela fa di setse di rulagantswe seporofešenale, di sena go tshwaiwa mme di tlhalositswe mo lenaaneng la dithoto, kaedi gongwe sengwe se se ka thusang gore di bonwe bonolo. Kgato ya bofelo ke ya go di tsenya mo khomphiutareng gore di tsenngwe mo thulaganyong ya go fitlhelela tshedimosetso ka khomphiutara.
Thulaganyo ya seporofešenale ya direkoto tse di kwaletsweng mo dipampiring e tlhodile mathata mo pakeng ya pegelo ka ntlha ya fa go ne go weditswe fela direkoto tsa boleele jwa dimitara di le 1 089,59, fa go bapisiwa le boleele jwa dimitara di le 4 415 mo ngwageng o o fetileng wa pegelo. Seno se ne se tlhoka gore badiri ba nne le boineelo jo bo kgethegileng bo bo akaretsang go dira morago ga nako ya tiro. Mabolokelo a begile direkoto tsa boleele jwa dimitara di le 19 943,49 ntle le sepe se se thusang go dira gore go bonwe bonolo. Bobolokelo jwa Diakhaefe jwa Pietermaritzburg bo begile fa go sa kgonega gore go rulaganngwe lenaane la direkoto. Go ne bogolo ga kopiwa molebeledi wa tshireletso go kwala dikhoutu go ya ka matlha. Seno se supa tota fa go na le bothata. Tiro eno e e boitshegang e e saletseng kwa morago e ka kgongwa fa fela go ka thapiwa badiri ba tlaleletso. Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Dibaesekopo, Divideo mmogo le Medumo le sa ntse le le mo tlalelong ka ntlha ya fa go na le direkoto tsa kutlopono di ka nna 260 000 tse di sa kgoneng go fitlhelelwa. Mo pakeng ya pegelo, bobolokelo jono bo rulagantse fela direkoto tsa kutlopono di le 2 120 mme ke tsona fela tse di rulaganyeditsweng manaane gore di kgone go fitlhelega. Palo ya ngwaga wa 1999/2000 e na fela le dintlha di le 19 816.
Go ne ga tsepamisiwa megopolo mo direkotong tsa CODESA, tsa Khansele ya Merero ya Puso Selegae mmogo le kwa Bokwaleding jwa Bosetšhaba jwa Kagiso.
Komiti ya dikarolo ya Tokafatso ya tse di thusang gore go bonwe bonolo e e itsegeng ka COMIFA e tsweletse go lebelela botlhokwa jwa go tokafatsa dilo tsa manyuale tse di thusang gore go bonwe dilo bonolo: go tsenngwa tirisong ga kaedi ya puo ya COMIFA e e rebotsweng ke Moakhaefe wa Bosetšhaba ka kgwedi ya Phatwe 2000, ke nngwe ya diphitlhelelo tsa maitlhomo ano. Go latela seno, lephata la Bophasalatsi le simolotse ka go phasalatsa manaane otlhe a dithoto go ya ka mokgwa o moswa o o kannweng jaaka go rebotse ba COMIFA. Bobolokelo jwa Diakhaefe jwa Free State bo siamisitse le go fetolela manaane a dithoto a le 40 go ya ka kaedi eno.
Thulaganyo ya go fitlhelela tshedimosetso ka khomphiutara e akaretsa mabolokelo a e seng a setšhaba go ralala naga mme ona a akaretsa Lenaane la Bosetšhaba la Mayakgatiso le le itsegeng ka NAREM (le na le ditheo di le 42 tse di nang le seabe), Lenaane la Bosetšhaba la Ditshwantsho le le itsegeng ka NAREF (le na le ba ba nang le seabe ba le 22), Lenaane la Bosetšhaba la Dikutlopono le le itsegeng ka NAROM (ga jaana le supa tse di bolokilweng tsa Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Dibaesekopo, Divideo mmogo le Medumo) mmogo le Lenaane la Bosetšhaba la Metswedi ya Puo le le itsegeng ka NAROS (le na le ba ba nang le seabe ba le 2). Thulaganyo e dirwa ke mabolokelo a tshedimosetso a le sometharo mme ditheo di le sometlhano ntle le lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba di golagantswe le yona gore di kgone go fitlhelelwa mo inthaneteng. Go nnile le dipotsiso go tswa kwa ditheong di le mmalwa tse di neng di na le kgatlhego ya gore le tsona di ka golaganngwa go dirisiwa tlamelo e le nngwe ya kgolagano.
Mo pakeng e e sekasekwang, direkoto di le 171 912 di ne tsa tsenngwa mo khomphiutareng (Seno ke kgolo e kgolo tota ya bokana ka dikwalo tsa metswedi di le 7 720 mo pakeng ya pegelo ya ngwaga wa 1999/2000, le fa dipalo tsa ngwaga o o fetileng wa pegelo di ka supa se sengwe. Le gale bontsi jwa go tsenngwa ga tshedimosetso mo khomphiutareng ka ngwaga wa 1999/2000 go dirilwe ke batlhankedi ba Poelo ya Mafatshe). Go tlantswe diforomo tsa tshedimosetso di le 221 414 mme tsa tsenngwa mo dipolokelong tsa tshedimosetso mo khomphiutareng. Seno se tlisa palogotlhe ya direkoto tse di tlhalosiwang mo thulaganyong ya tshedimosetso e e fitlhelelwang ka khomphiutara go 6 833 420. Go fopholediwa gore palo e e ka lekanang le kotara ya dibolokwa tsa Diakhaefe tsa Bosetšhaba e ka kgona go fitlhelega ka khomphiutara.
Palogotlhe ya dikaedi tse dintšhwa di le 41, manaane a dithoto, ditshupane gammogo le tse dingwe tse di thusang gore go bonwe bonolo di ne tsa phasaladiwa gongwe tsa tokafadiwa2.
Mokgwa wa tshomarelo wa lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba o akaretsa dintlha di le nne: tsereganyo ya pele ga go bewa kwa diakhaefeng, tshomarelo ya tshireletso, phetolelo ya tsa metlhodi ya dikgang mmogo le go ditokafatsa. Tsereganyo ya pele ga go bewa kwa diakhaefeng e tsenngwa tirisong ka tiro ya rona ya tsamaiso ya direkoto e e tlhalosiwang gosele mo pegelong eno.
Tshomarelo ya tshireletso e akaretsa ditiro tse di rulaganyeditsweng go thibela gongwe go fokotsa tshenyego le tatlhegelo. Tlhokego ya ntlha tebang le ntlha eno ke kago e e thadilweng le go agiwa sentle mme e na le taolo e e tletseng ya seemo sa bosa, tshireletso ya molelo mmogo le tshireletso e e maleba. Ditlhokego tseno di fitlheletswe ke Mabolokelo a Diakhaefe a Bosetšhaba, Cape Town, Free State le Pietermaritzburg, a gape a nang le diphaposi tsa polokego e e kwa godimo tse go somarelwang dimaekerofilimi kwa go tsona.
Jaaka mo nakong e e fetileng, ditlamelo tsa rona tse di nang le thulaganyo ya taolo ya seemo sa bosa a tsweletse go itemogela mathata ka ntlha ya go se tlhokomelwe sentle. Thulaganyo ya lephata la Diakhaefe tsa Dibaesekopo, Divideo le Medumo e ntse e sa dire sebaka sa paka yotlhe e e sekasekwang, mme Lefapha la Ditiro tsa Setšhaba le sa rate go e siamisa pele ga paakanyo e e rulagantsweng ya tlamelo eno e e tla akaretsang go tsenngwa ga thulaganyo e ntšhwa ya taolo ya maemo a bosa. Go baakanngwa go solofetswe go simololwa go sa le gale mo pakeng e ntšhwa ya pegelo.
Ditlamelo tsotlhe tsa rona di ne di kubediwa gangwe le gape. Go dirisitswe palogotlhe ya mabokoso a diakhaefe a le 4 871 go sireletsa direkoto, fa dimmapa di le 1 167, ditshwantsho tsa dinepe di le 119 mmogo le dibuka di le 1 069 di ne tsa bolokiwa gongwe tsa phuthelwa ka sephuthedi sa diakhaefe, tsa baakanngwa ka theipi ya diakhaefe gongwe tsa baakanngwa ka tukutsatsa.
Phetolelo ya tsa metlhodi ya dikgang e akaretsa go dira dikhopi tsa direkoto go nna tse di ka kgonang go bolokega sebaka. Mo tikologong ya dikutlopono mokgwa ono o botlhokwa tota bogolo segolo go lebeletswe ka moo metlhodi ya dikgang e onalang ka teng. Ka bomadimabe, didiriswa tse ditlhotlhwa godimo ga di kgone go fitlhelelwa mme re tsweletse go bona mekgwa e mengwe ya go bona matlole. Mo tikologong ya dipampiri mokgwa o o ratiwang wa go fetolela ke wa go fetolela go maekerofilimi. Bobolokelo jwa Diakhaefe jwa Cape Town bo na le setsayaditshwantsho sa maekerofilimi se le sengwe fela mme ga bona ditlamelo tse di lekaneng go ka tsweletsa porojeke ya maekerofilimi.
Go tokafatsa gona go akaretsa go tsosolosa le go siamisa gape direkoto tse di senyegileng gongwe tse di onetseng. Ka ntlha ya fa seno se ikaegile mo bokgoning jo bo rileng, didiriswa tse ditlhotlhwa godimo mmogo le mekgwa e e tlhokang badiri thata, se dirisiwa mo mabakeng a a rileng fela. Ke Bobolokelo jwa Diakhaefe tsa Bosetšhaba fela jo bo nang le lephata le le nang le didiriswa tsa go tokafatsa fela go kgaolwa ga badiri gammogo le go tsamaya ga badiri ba ba nang le maitemogelo go dirile gore bo dire tiro e se kae fela ka badiri ba le babedi fela. Yo mongwe wa batlhankedi bano ba babedi ga jaana o tsweletse go ikatisetsa bokgoni jo bo kgethegileng mo lephateng leno. Le gale go tshwanetse ga lemogwa gore mo gare ga kgwedi ya Diphalane mo ngwageng wa 2000, ditiro tsotlhe tsa go tokafatsa di ne tsa emisiwa go fitlha go bonwa gore a ga gona kotsi ya boitekanelo mo badiring le mo tikologong. Ka lesego ditlamorago di supile fa go se matshosetsi. Fela mo nakong e se kae e e neng e le gona, lephata le ne la kgona go tokafatsa ditshwantsho tsa dinepe di le 707, dimmapa di le 1 105 gammogo le dikwalo tse di tshwaragantsweng di le 952. Tshiamiso e nngwe ya fa gae e e dirilweng ke baakhaefe kwa mabolokelong a mangwe e dirile gore go siamisiwe dibuka le dikwalo di le 886 gammogo le tshiamiso e e tswelelang ya difilimi (maotwana a le 2 720).
Fa e sa le lephata la Diakhaefe la Bosetšhaba le tlhongwa ka ngwaga wa 1998, le ntse le na le kemedi kwa Porojekeng ya Botshwantshi jwa Dijitale ya Aforika Borwa e e itsegeng ka DISA mmogo le kwa komiting ya yona ya taolo. Porojeke eno e etleediwa ka matlole ke Setheo sa Mellon. Ntle le go dira gore badirisi ba amogele tshedimosetso ka mokgwa wa dijitale ka porojeke e e tlhakanetsweng (Dimakasini tse di ka ga Kgaratlho kgatlhanong le Tlhaolele, 1960 - 1990), maitlhomo a porojeke eno gape ke go tlhabolola bokgoni jwa go tshwantsha ka dijitale mo baakhaefeng le mo badiring ba dilaeborari mo Aforika Borwa.
Mo pakeng eno ya pegelo go nnile le go tiisiwa ga tiriso ya mabolokelo a Diakhaefe tsa Bosetšhaba ke setšhaba mo magatong otlhe. Kopano magareng ga baakhaefe le badirisi e diragala mo diphaposing tsa go buisetsa tsa mabolokelo le ditikwatikwe tsa direkoto koo baeng ba thusiwang go bona se ba se batlang. Dipalopalo tsa baeng ba kwa diphaposing tsa go buisetsa di tlhagisitswe mo Setshwantshong 2. Botlhe ba ba dirang patlisiso e e atolositsweng ba kwadisitswe - ke diperesente di le nne fela (4%) tsa ba ba kwadisitsweng tse di neng di dira dipatlisiso tsa borutegi jwa dikirii, mme seno ke sesupo sa gore lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba le fitlhelela badirisi ba se kae ba e seng ba tsa thuto e kgolo. Bontsi jwa badirisi ba Diakhaefe tsa Bosetšhaba ke babatlisisi ba dithuto tsa tatelano ya masika. Badirisi ba diphaposi tsa go buisetsa ba dirisitse dimmapa le dipolane di le 656, dimaekerofilimi di le 975, dikgatiso tsa divideo di le 587, maotwana a le 2 720 a dibaesekopo, dikgatiso tsa medumo di le 17, diphasalatso tsa semmuso di le 801, dintlha tsa laeborari di le 1 471 gammogo le direkoto tse dingwe di le 60 007. Dipalopalo tsa ditshwantsho tsa dinepe tse di bonweng ga di tlhagelele ka ntlha ya fa kwa mabolokelong a mangwe, badirisi ba kgona go fitlhelela ditshwantsho bonolo fela kwa diphaposing tsa go buisetsa.
Go kwadisiwa ga babatlisisi kwa tikwatikweng ya Direkoto ya Cape Town, go tsamaisiwa ke Bobolokelo jwa Diakhaefe jwa Cape Town.
Karolo ya botlhokwa tota ya tirelo ya phaposi ya go buisetsa ke phitlhelelo ya thulaganyo ya go goga tshedimosetso ka khomphiutara. Go dirilwe dipotsiso di le 46 041 mo mabolokelong a tshedimosetso a khomphiutara a le 13. Go rebotswe palogotlhe ya ditlhaloso tsa direkoto di le 685 775 go babatlisisi ka thekiso ya tshedimosetso go tswa mo mabolokelong a tshedimosetso ya di khomphiutara mo didisiketeng mme badirisi ba rekile dikgatiso tsa dikhoumphiutara di le 9 073.
Dikhopi tsa direkoto tse di latelang di diretswe badirisi gongwe di dirilwe ke bona: difotokhopi di le 160 248, dikgatiso tsa maekerofilimi di le 3 291 gammogo le dikgatiso tsa ditshwantsho tsa dinepe di le 1 844.
Go nolofaletsa badirisi ba ba sa kgoneng go bona direkoto kwa mafelong a di tlhokometsweng kwa go ona, re tsweletse go dira gore go nne le kgonagalo ya go fetisetsa direkoto tse dingwe kwa mabolokelong a mangwe. Mo pakeng e e sekasekwang, go fetisitswe dimitara tsa boleele jwa 116 tsa direkoto ka ntlha ya seno.
Ntle fela le fa go ka nna le Molao o mongwe wa Palamente o o ka thibelang seno, ga jaana ga gona maparego mo go fitlhelelweng ga direkoto tsa setšhaba tse di nang le sebaka se se fetang dingwaga di le 20. Tetla ya go bona direkoto tse di senang sebaka se se fetang dingwaga di le 20 e ka kopiwa mo go Moakhaefe wa Bosetšhaba. Mo pakeng e e sekasekwang go amogetswe dikopo tsa mofuta ono di le 21 tse di neng di kopa go sekaseka direkoto di le 205. Ga go kopo epe ya go fitlhelela direkoto tsa mofuta ono e e ganetsweng mo pakeng e e sekasekwang.
Bontsi jwa ditheo tsa puso di tle di kope gore direkoto di busiwe go tsweletsa ditiro dingwe. Go busitswe direkoto di le 49 025 ka ntlha ya lebaka leno mme di le 47 556 di busitswe ke Tikwatikwe ya Direkoto ya Tshwane fela.
Badiri ba amogetse dipotsiso tsa megala le tse di kwadilweng di le 68 635 go tswa kwa badirising.
Maiteko a go netefatsa gore Diakhaefe tsa Bosetšhaba di kgona go fitlhelega mo inthaneteng a atlegile. Fa ngwaga ono wa pegelo o ya bokhutlong, go ne go setse go na le website e e dirang le fa gona e ise e tlhomiwe semmuso.
Go kgontsha batho go fitlhelela mabolokelo a rona le go tsibogela ditlhokego tsa badirisi ga go a lekana. Molao o montšhwa o re laela gore re rotloetse setšhaba go dirisa diakhaefe. Maiteko a a malebana le seno a tlhalosiwa mo karolong e e latelang ya Pegelo.
Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba le tsweleditse maitlhomo a a namatshang a mananeo a setšhaba le fa tota a tlhaela botsamaisi jo bo ka a tsweletsang gongwe ditlamelo tse di lekaneng go ka kgona go fitlhelela maitlhomo a rona. Mananeo a setšhaba a rulagantswe go ya ka ditlamelo tsa Molao wa Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Aforika Borwa tsa gore go go fitlhelelwe setšhaba mme go akarediwe botlhe ba ba ka nnang le seabe mo tsamaisong ya diakhaefe le direkoto. Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba mmogo le badiri ba lona ba tlhageletse mo dikgannyeng makgetlo a ka balwa. Mo pakeng e e sekasekwang eno, badiri ba ne ba rotloediwa go golagana le badirisi, ditlhopha tsa badirisi, mekgatlho ya porofesenale, baporofesenale mo maphateng a a maleba, barekisi ba didiriswa jj. Go nnile le kamano e e seng ya semmuso ka mokgwa ono. Se se latelang se ikaegile fela ka dikamano tsa semmuso.
Karolo ya Bophasalatsi e tlhagisitse diphasalatso tse dintšhwa le/gongwe tse di tokafaditsweng4 di le 41. Bontsi jwa tsona e ne e le tsa mefuta e e farologaneng, tse di thusang gore go bonwe se se batlwang bonolo. Mo pakeng ya pegelo ya 1999/2000, tiro ya karolo eno e amilwe thata ke mathata a a itemogetsweng fa go fetolelwa kwa tirisong ya khomphiutara e ntšhwa ya AS/400. Mathata a feteletse mo pakeng ya pegelo le fa tota a ne a fokotsegile go se kae. A a neng a itemogelwa e ne e le a tlamelo e e itsegeng ka rje-line, mme a ne a ama thata go fetisediwa ga tshedimosetso ya diakhaefe kwa mabolokelong a tshedimosetso a dikhomphiutara kwa Setheong sa Puso sa Tshedimosetso ya Thekenolji e leng SITA.
Diporojeke tse di tla tswelediwang di akaretsa tse di latelang: sete ya tekeletso ya thuto e e tla dirisiwang ke bana ba dikolo (yona e tsamaisiwa ka tshwaraganelo le Lefapha la Thuto); go fetolelwa ga bukana ya Kitsiso ya Diakhaefe le Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Aforika Borwa ya Tirelo ya Bosetšhaba ya Puo mo dipuong tse dingwe ntle le Sekgowa. Bukana e e fetoletsweng ga e a tlhagisiwa ka ntlha ya tlhaelo ya badiri kwa lephateng la Diakhaefe tsa Bosetšhaba.
Go rekisitswe diphasalatso di le 783. Tse dingwe di le dintsi, go akarediwa bukana e e kailweng fa godimo, di abilwe mahala.
Mabolokelo a diakhaefe a lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba, Cape Town, Free State mmogo le Pietermaritzburg a tsweleditse dipontsho (tse di neng di fetoga gangwe le gape) mo mafelong a botlhe gore baeng ba ikungwele sengwe mo go tsona. Kwa Bobolokelong jwa Diakhaefe jwa Cape Town gona go ne ga romelwa makwalo a le 41 a a neng a laletsa dikolo go tla go bona dipontsho tseo. Go ne go tobilwe thata baagi ba ba tlhokileng ditshono mo nakong e e fetileng. Go amogetswe ditlhopha di le 64 tsa baeng kwa mabolokelong mme bontsi jwa bona e ne e le bana ba dikolo le ba diyunibesithi. Go amogetswe baeng ba le 1 500 ka mokgwa ono. Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Dibaesekopo, Divideo le Medumo di bontshitse baithuti ba dirutwa tsa Thekenoloji ya Dibaesekopo le Video go tswa kwa Thekenikonong ya Tshwane divideo di le nne, mme baithuti ba Sekolo sa Dibaesekopo sa Kholetshe ya Allenby bona ba bontshitswe divideo di le tharo.
Ntlha ya gore dinako tsa go dirisa phaposi ya go buisetsa di welana le tsa nako ya tiro e dira gore go se nne bonolo gore badirisi ba le bantsi ba dirise tirelo eno ka botlalo. Go leka go fitlhelela ditlhokego tsa bona, Mabolokelo a Diakhaefe a Bosetšhaba, Cape Town, Free State le Pietermaritzburg a neelana ka tirelo ya ka gale ya diura tse di atolositsweng go ya ka mabaka a selegae le tlhokego. Tiro ya morago ga dinako tsa tiro e e duelelwang e nna e ntse e sekwasekwa ngwaga le ngwaga.
Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba le na le seabe mo Lenaneong le le tshwaraganetsweng ke Netherlands le Aforika Borwa la Towards a New Age of Partnership, le le tlhalositsweng ka fa tlase ga setlhogo sa Ditiro tsa Boditshabatshaba fa godimo.
Go tsenwe mo tumelanong ya go dirisana mmogo le Yunibesithi ya Puso ya Michigan go tloga ka ngwaga wa 2000. Maikaelelo a tirisanommogo ya ditheo tse pedi tseno ke go tlamela lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba ka katiso le tlhabololo ya badiri. Maikaelelo a mangwe ke a go atolosa ka moo mabolokelo a Diakhaefe tsa Bosetšhaba a fitlhelegang ka gona.
Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba le dirisane le ditlhopha tse di farologaneng tsa Yunibesithi ya Witwatersrand mo porojekeng ya "Refiguring the Archives". Tiro ya phasalatso eno e setse e dule tema e e bonalang mme e solofetswe go phasaladiwa go ela kwa bokhutlong jwa ngwaga wa 2001.
Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba le na le kemedi mo Komiting ya Porojeke ya Bosetšhaba ya Tshwantsho ya Dijitale e e akaretsang Kgobokanyo ya Campbell, Yunibesithi ya Natal (setheo sa Durban), Laeborari ya Bosetšhaba (Lekala la Cape Town) gammogo le Laeborari ya Yunibesithi ya Witwatersrand. Tiro ya porojeke eno e tlhalositswe ka fa tlase ga setlhogo sa "Tshomarelo" fa godimo.
Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba le dirisane mmogo le Mokgatlho wa Baakhaefe ba Aforika Borwa go amogela baeng mo dikopanong di le mmalwa tsa baporofesenale.
Porojeke ya sete ya tekeletso ya thuto e nnile maitlhomo a a tlhakanetsweng le Lefapha la Thuto.
Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Dibaesekopo, Divideo le medumo le tlhomile dipontsho tsa Diletswa tsa Setso tsa Mmino mmogo le Musiamo wa African Window. Dipontsho di ne di diretswe Khonferense ya ntlha ya Porojeke ya Bosetšhaba ya Mmino wa Tshimologo e e neng e itsege ka NIMP, e e neng e tshwaretswe kwa Durban ka Lwetse le Diphalane 2000.
Bobolokelo jwa Diakhaefe jwa Free State bo ne bo tlhomile dipontsho mmogo le Laeborari ya Setšhaba ya Mmulakgoro, Musiamo wa Ntwa wa Maburu a Marepaboliki mmogo le Musiamo wa Sesole wa Bloemfontein.
Bobolokelo jwa Diakhaefe jwa Pietermaritzburg bo tlhamile Foramo ya ngwaoboswa ya Pietermaritzburg mmogo le maphata a mangwe a ngwaoboswa. Tiro e kgolo ya Foramo e ne e le go rulaganya Beke ya Ngwaoboswa. Seno se akareditse go tsamaisa workshop ya hisetori ya malapa.
Bobolokelo jwa Diakhaefe jwa Pietermaritzburg gammogo le Tikwatikwe ya Alan Paton di rulagantse dikganetsano tsa mo phatlhalatseng tebang le gore a go siame gore moletlo wa Nomkhubulwane o dirwe moletlo wa bajanala. Ba ba neng ba le mo phaneleng ba akareditse ngaka ya sekgowa, babatlisisi, batlhatlhobi ba bogammana gammogo le tokololo ya Khomišene ya tekatekano ya bong.
Badiri ba thusitse ditheo tse e seng tsa puso ka kgakololo le thuso e nngwe ka mekgwa e le mentsi e e farologaneng - ka go refosanya tshedimosetso ka makwalo, ka diketelo, go tlhagisa dipuo, go nna ditokololo tsa dikomiti tsa kgakololo, j.j. Dithuso tseno di dintsi thata gore di ka nopolwa bongwe ka bongwe fano. Dipampiri tse di tlhagisitsweng kwa dikopanong tsa baporofesenale di thadisitswe ka botlalo mo Mametlelelo B. Mokgatlho wa Baakhaefe ba Aforika Borwa o bone kemonokeng e e seng kana ka sepe - go dirisitswe ditlamelo tsa lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba go tshwarela dikopano mmogo le di-workshop tse di ka ga diakhaefe, badiri ba lephata ke ditokololo tsa Mekgatlho, mme gape go rebotswe dibui go ya kwa dikopanong. Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba le ne le na le kemedi kwa Komiting ya kgakololo ya Thekenikono ya Aforika Borwa mme le e eme nokeng ka thuso ya seporofešenale mmogo le kgakololo mo tsamaisong ya dikhoso tsa diakhaefe. Bobolokelo jwa Diakhaefe jwa Cape Town bo tlamela kereke ya Moravian ka katiso ya diakhaefe.
Dikantoro tsa Pietermaritzburg le Durban di tlametse ka katiso e e tseneletseng mo maphateng otlhe a tsamaiso ya diakhaefe le direkoto go baakhaefe ba Tirelo ya Diakhaefe ya maloba ya KwaZulu. Dintlha tse dingwe tepang le thuso e go tlametsweng diporofense ka yona di tlhalositswe kwa karolong ya Tshekatsheko ya setheo mo pegelong eno. Go amogetswe baithuti ba le barataro ba thekenikono mo katisong. Bobolokelo jwa Diakhaefe jwa Free State bo tlametse ka katiso ya go baakanya pampiri le go tshwaraganya dibuka go ditheo tsa kwa ntle makgetlo a le matlhano, mme seno se akareditse le bana ba mebila. Baakhaefe ba le babedi go tswa kwa Botswana ba nnile le seabe mo khosong ya katiso ya go dira kwa lephateng la Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Dibaesekopo, Divideo le Medumo, go ba kgontsha go amogela kitso e e tlhokegang gore ba kgone go simolola diakhaefe tsa bona tsa dikutlopono. Modiri wa lephata o thusitse kwa di-workshopong tse di ka ga go tsenngwa tirisong ga Molao wa thotloetso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso kwa Kholetsheng ya Bosiamisi.
Ditiragalo ka botlalo tsa ditiro tsa boditshabatshaba di thadisitswe mo tlase ga setlhogo sa Tshekatsheko ya setheo mo pegelong eno. Diketelo tse di thadisitsweng fa tlase fano di latela pego eo.
V Harris o tsenetse Khonkerese e e tshwarwang morago ga dingwaga dingwe le dingwe di le nne ya Khansele ya boditshabatshaba ya Diakhaefe kwa Seville kwa Spain.
MB Gilder o tsenetse Khonkerese ya Boditshabatshaba ya Mekgatlho ya Hisetori kwa Norway. O emetse gape lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba kwa kopanong ya Boto ya Khuduthamaga ya Lekala la Dikgaolo tsa Botlhaba le Borwa jwa Aforika la Khansele ya Boditshabatshaba ya Diakhaefe e e itsegeng ka ESARBICA kwa Tanzania. O nnile gape tokololo ya dikemedi tsa Setso tsa Lefapha la Botsweretshi, Setso, Saense le Thekenoloji tse di neng di etetse kwa Repaboliking ya China.
G Dominy o ne a eteletse pele barongwa ba Lefapha la Botsweretshi, Setso, Saense le Thekenoloji go ya kwa Tunisia.
Baeng ba ba latelang go tswa kwa dinageng di sele ba amogetswe ke Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba le/kgotsa mabolokelo a lona: Moh. SC Nxumalo go tswa kwa lephateng la Diakhaefe tsa Bosetšhaba la Swaziland, Rre H Kapoza go tswa kwa lephateng la Diakhaefe tsa Bosetšhaba la Malawi, Ngaka Joel Tembe go tswa kwa lephateng la Diakhaefe tsa Bosetšhaba la Mozambique, Borre K Smith le J Johnstone go tswa kwa Bokwaleding jwa Kgweranoditshaba jwa Terasete ya Tsamaiso ya Direkoto tsa Boditshabatshaba, Moh M MacDowell, Borre P Knupfer le K Dewhurst ba kwa Yunibesithing ya Puso ya Michigan, Rre A Haefner, Mokwaledi kakaretso wa mokgatlho wa IASA, Ngaka R Perks wa Laeborari ya Borithani ya Diakhaefe tsa Medumo, Borre Tlwata le Y Kitamura ba Thulaganyo ya Tirisanommogo ya Boditshabatshaba ya Japan, Rre J-E Billinger wa Setheo sa Dibaesekopo sa Svenska gammogo le Rre A Koning wa Setheo sa Netherlands sa Borwa jwa Aforika.
Molao wa Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Aforika Borwa o laela gore Moakhaefe wa Bosetšhaba a netefatse gore direkoto tsa setšhaba tse di sa ntseng di le mo tlhokomelong ya ditheo tsa puso di tsamaisiwa le go tlhokomelwa ka tolamo. Maitlhomo a tiro eno a maphata mabedi: go supa direkoto tse di nang le mosola go sa le gale le go netefatsa gore di fetisediwa mo tlhokomelong ya diakhaefe; gammogo le go tlhotlheletsa tsamaiso ya setšhaba e e bokgoni, e e maikarabelo mme gape e se bofitlha. Tlhaloso ya Molao ya "rekoto" e akaretsa tsotlhe tsa metlhodi ya dikgang, go akarediwa bobegakgang jwa eleketoroniki gammogo le bosephiri botlhe jo bo kaneng bo beilwe mo direkotong. Tlhaloso ya ona ya "ditheo tsa puso" e akareditse ditheo tse di farologaneng la ntlha mo molaong wa diakhaefe.
Tiro ya tsamaiso ya direkoto e dirwa ke makala a kwa Tshwane, Bloemfontein, Durban le Cape Town. Bontsi jwa tiro e e dirwang ke makala ano e akaretsa go fa dikgakololo, ditlhaloso, tshedimosetso, go tshwara dipuisano gammogo le go kgobokanya tshedimosetso. Ntlha e nngwe e e malebana le tsamaiso ya direkoto ke ya go tlhatlhoba dikantoro tsa badirisi. Le gale tiro eno tota ga e kgonagale ka ntlha ya go tlhaela go go boitshegang ga ditlamelo tsa badiri, matlole gammogo le tse dingwe. Lekala la Tshwane ka bo lona le tlhoka go etela dikantoro tsa badirisi di feta dikete di le nne. Go tlhamalasegile gore tiro eno e ka kgona go dirwa ka tolamo fa fela go ka dirwa diphetogo tse di bonalang tebang le ditlamelo. Manyuale wa "Ditaelo tsa Diakhaefe" o sa ntse o tokafadiwa gore o kgone go dirisega bonolo. Go kwadilwe gape diteng tsa khoso e ntšhwa ya Tsamaiso ya direkoto.
Go sekasekilwe le go tshwaela mo dithulaganyong tsa karoganyo ya direkoto tsa ditheo tsa puso di le 291 mme di le 24 tsa tsona di ne tsa rebolwa go ka tsenngwa tirisong. Dipoeletso le ditlaleletso mo dithulaganyong tse di rebotsweng tse di fetiseditsweng go ka rebolwa di 530.
Go tshola direkoto ka mokgwa wa eleketoroniki e sa ntse e le ntlha e e mathata mo ditheong tsa puso. Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba ga le na bokgoni jo bo kalo mo ntlheng eno, direkoto tsa eleketoroniki di tsweletse go gola mo pusong mme tshomarelo ya direkoto tsa eleketoroniki tse di nang le mosola e tlhotlhwagodimo mme gape go na le marara a thekenoloji. Mo pakeng e e sekasekwang, Komiti ya dikarolo ya Tsamaiso ya Direkoto tsa eleketoroniki e ne ya tswelela go itebaganya le tlhabololo ya pholesi le ditlamelo tse di tla thusang lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba go rarabolola bothata jono ka tlhomamo. Mo pakeng ya pegelo e e fetileng go ne go begilwe gore porojeke ya tekeletso ya go lekeletsa bokgoni jwa sofotowere ya tsamaiso ya direkoto ya TRIM Captura e a batlisisiwa. Go latela seno go ne ga tshwarwa dikopano le baemedi ba Logtek go buisana le go sekaseka ditlhokego tsa matlole tsa porojeke eno. Tokololo ya karolo eno e dira le Setheo sa Puso sa Tshedimosetso ya Thekenoloji sa SITA go thadisa ditlhokego tsa thendara tsa dikopo tsa direkoto tsa eleketoroniki mo ditheong tsa puso. Go amogetswe dikopo di le mmalwa tsa kaelo le thuso tebang le tsamaiso ya direkoto tsa eleketoroniki. Le gale badiri ga ba na bokgoni jo bo kalo mo lephateng leno go ka thusa sentle. Go tsweletswe ka go tokafatsa bokgoni.
Tekanyo ke thulaganyo e mo go yona baakhaefe ba supang direkoto tse di nang le mosola mme ba di tlhopha gore di fetisediwe kwa tlhokomelong ya diakhaefe. Setlhopha sa Tiro sa Tekanyo se etse tlhoko go tsenngwa tirisong ga mokgwa o o rulagantsweng go tsweleletsa tiro e e gwetlhang eno ya seporofešenale. Go sa le jalo fa go ntse go tlhophiwa direkoto tse di ka somarelwang, Balekanyi ba rebola gape go senngwa le go latlhiwa ga direkoto tse di sa tlhophiwang. Mo pakeng e e sekasekwang go amogetswe dikopo di le 103 tsa go latlhiwa go go lekanyeditsweng tse di rebotsweng di le 103, mme seno se dirile gore go rebolwe di le 82.5. Dikopo di le 65 di santse di sekwasekwa. Go lekanyetsa ka seelo se se kwa godimo go sa ntse go kgaoditswe nakwana ka ntlha ya tlhaelo ya ditlamelo.
Moakhaefe wa Bosetšhaba o na le dithata tsa go tlhatlhoba direkoto tsa ditheo tsa puso gore a kgone go runa gore a di ikobela ditlhokego tsa Molao wa Diakhaefe tsa Bosetšhaba wa Aforika Borwa. Go tsweleditswe ditlhatlhobo di le 67 mme di le 47 tsa tsona e ne e le tsa tlwaelo tsa ka gale fa tse di setseng di ne di amana le ditekanyo mmogo le go tsenngwa tirisong ga thulaganyo ya karoganyo ya direkoto, gongwe di dirilwe go tsibogela mathata a a rileng gongwe ditlhokego tse di rileng. Go nnile le ditlhatlhobo tse dingwe gape tse di latelang tseo di le 15 tse di dirilweng ke Bobolokelo jwa Diakhaefe jwa Free State.
Ntlha ya botlhokwa mo lenaneong la tsamaiso ya direkoto ke katiso ya badiredi puso ba ba rweleng maikarabelo a tsamaiso ya direkoto. Khoso ya Tsamaiso ya Direkoto ya malatsi a le mane gongwe a le matlhano (sebaka se laolwa ke mofuta wa khoso kwa mabolokelong a a farologaneng) e tlhagisitswe makgetlho a le 15 (a le 14 ka Sekgowa, gangwe ka puo ya Seburu) kwa Tshwane le Bloemfontein. Dikhoso tseno di tsenetswe ke palogotlhe ya batlhankedi ba le 410 mme ba le 327 ba bona ba weditse khoso eno ka katlego.
lebelela Mametlelelo A go bona lenaane la dithebolo tseno.
Lekala la tsamaiso ya direkoto le batlisitse dikgetsi di le nne tse di malebana le dipelaelo tsa gore go ka ne go na le direkoto tsa setšhaba tse di latlhegileng gongwe tse di sentsweng e se ka fa molaong. Tsotlhe di a batlisisiwa mme go setse go netefaditswe dikgetsi di le tharo tsa tatlhego.
Lefapha la Mafatshe, Matlo le Puso Selegae la Porofense ya Bokone.
Kantoro ya Magiseterata ya Scottsburgh.
Setlhophanyana sa badiri ba se kae ba ba ikemiseditseng se fitlheletse tiro e e kgatlhisang tota. Le gale go sa ntse go bonala gore bontsi jwa direkoto tsa setšhaba bo sa ntse bo le kwa ntle ga taolo ya Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba. Seno se bontshiwa ka botlalo ke ntlha ya gore re sa ntse re kgona fela go dira ditlhatlhobo di se kae mo pakeng e e sekasekwang. Ka tshwanelo, nngwe le nngwe ya ditheo tse di farologaneng tsa puso e ne e tshwanetse go tlhatlhojwa bonnye gangwe ka ngwaga. Go ngodiega tebang le go bona taelo e e tletseng ya thulaganyo ya direkoto ya eleketoroniki e e tsweletseng go gola mo pusong, ke mokgwa mongwe o o supang go tlhaela ga ditlamelo mo lephateng la tsamaiso ya direkoto. Go retelelwa ke go fetola mokgwa ono go tla dira taelo ya rona ya semolao ya gore re nne baruni ba tlhokomelo ya direkoto tsa puso go nna lefela.
Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Aforika Borwa ke karolo ya botlhokwa ya Lefapha la bosetšhaba la Botsweretshi, Setso, Saense le Thekenoloji mme le ikarabela ka botlalo go Mokaedi Kakaretso wa Lefapha. Le fa ditiro tsa seporofešenale di tsamaisiwa kwa thoko, ditiro tsa tshegetso, go lebeletswe tse di jaaka tsamaiso ya ditlamelo tsa ditšhelete le badiri, tsona di lotane sentle le mananeo a Lefapha ka bophara. Mo legatong le le kailweng, ditiro tsa maikarabelo di tshegetsa Karolo ya Tsamaiso e potlana ya Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba mmogo le tiro ya lona e e lekanyeditsweng. Moakhaefe wa Bosetšhaba o tsenela dikopano tsa gale tsa botsamaisi jo bo kwa godimo jwa lefapha mme gape lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba le na le kemedi mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefapha.
Popegotheo ya setlamo ya lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba e thadisitswe mo Setshwantshong 3. Ka la 1 Mopitlwe 2001, Moakhaefe wa Bosetšhaba o montšhwa o ne a simolola tiro mo legatong la Mokaedi Mogolo. Phetogo eno e ne ya tlhola botlhokwa jwa go lebelela seswa le go rulaganya seswa popegotheo ya thulaganyo e e neng e bonwe e le maleba fa go ne go dirwa patlisiso ya mo tirong ka ngwaga wa 1999. Mo pakeng ya pegelo go tladitswe diphatlhatiro di le pedi tsa botsamaisi jo bo magareng kwa lephateng la Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Dibaesekopo, divideo le medumo mme phatlhatiro ya Tlhogo ya setheo seno e ne ya tokafadiwa go tswa go ya mothusa mokaedi go ya go ya motlatsa mokaedi.
Tshekatsheko ya selegae ya ngwaga wa 2000 e dirile gore lephatapotlana la Bokaedi le rulaganngwe seswa: Togamaano, Kgokaganyo mmogo le Tlhabololo. Ka ntlha ya fa thulaganyo ya tlhabololo e tsentswe ka katlego mo popegong le mo mananeong a a ntseng a le gona a setlamo, Tlhabololo e tsentswe mo Kgokaganyong mme tiro ya tlhabololo e gokaganngwa mo lefapheng.
Kwa Tshwane gona go lephata la Bokaedi (Setlhopha se segolwane sa botsamaisi), Karolo ya Tsamaiso, Karolo ya Bophasalatsi, Karolo ya Thulaganyo ya Dikhomphiutara, Karolo ya Botsamaisi jwa Direkoto ya Tshwane, Bobolokelo jwa lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba, Biro ya Matshwao a Bosetšhaba, le, kwa dikagong di sele, Tikwatikwe ya Direkoto ya Tshwane mmogo le lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Dibaesekopo, divideo le Medumo. Le fa Biro ya Matshwao a Bosetšhaba e beilwe mo lephateng la Diakahefe tsa Bosetšhaba, yona e dira go ya ka Molao wa Matshwo a Bosetšhaba (Molao wa 18 wa ngwaga wa 1962) ka fa tlase ga taelo ya Ramatshwao a Bosetšhaba wa puso. Kwa ditoropong tse dingwe di le nne go na le mabolokelo a le mane a diakhaefe, ditikwatikwe di le pedi tsa direkoto mmogo le dikarolo tsa tsamaiso ya direkoto di le nne - mo tsamaong ya nako, ditlamelo tseno di tla fetisediwa kwa diporofenseng tse di fitlhelwang kwa go tsona go nna karolo ya tirelo ya diakhaefe ya diporofense. Go tserwe tshwetso ya go tswala Tikwatikwe ya Direkoto ya Johannesburg ka ngwaga wa 2000 ka ntlha ya fa lefelo le le neng le hirilwe le ne le tsweletse go senyega mme gape re ne re retelelwa ke go ngoka badiri go ema nokeng tiro eno. Direkoto tsotlhe tse di neng di le kwa kantorong eno di fetiseditswe kwa Bobolokelong jwa Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba.
Go tsweletswe ka maiteko a a bonalang a go netefatsa gore go na le tsamaiso e e akaretsang gammogo le maikarabelo magareng ga ditheo tsotlhe tsa lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba le fa kanamiso ya ditlamelo e tlhola mathata. Lephata la Bokaedi le kopana gangwe le gape kwa Tshwane. Dikopano tsa botsamaisi jwa dikarolo di tshwarwa gangwe le gape. Ditokololo tsa lephata la Bokaedi di etela dikarolo gangwe le gape fa ditšhelete di letla. Ditlhogo tsa dikarolo tsa kwa Tshwane di kopana kgwedi nngwe le nngwe le Mothusa Mokaedi: Togamaano le Kgokagano. Go tlaleletsa mo go seno, go tshwarwa dikopano tsa dikarolo tse di farologaneng gangwe le gape.
Mo pakeng ya pegelo go dirisitswe maatla a le mantsi mme go nnile le ditshenyegelo tsa ditšhelete, go tokafadiwa le go atolosa ditlamelo tsa rona tsa dikhomphiutara. Go atolositswe kgokaganyo ya inthanete mo go bonalang mme dikhomphiutara tsa setlamo di le 37 go tswa go di le 71 di mo mafaratlhatlheng ano.
Tsamaiso ya ditšhelete e dirwa mo lephateng la lefapha (lefapha la Botsweretshi, Setso, Saense le Thekenoloji) ka ntlha ya fa lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba e le lenaneo le letletseng (Lenaneo la bo4) la lefapha. Dithulaganyo tsotlhe tse di maleba, go tloga go thulaganyo ya tekanyetsokabo go ya kwa ditshenyegelong, di laolwa ke maphata a a maleba a lefapha, mme Moakhaefe wa Bosetšhaba o ikarabela ka botlalo kwa go Mokaedi Kakaretso wa Lefapha.
Tekanyetsokabo e e neng e reboletswe lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba la Aforika Borwa mo ngwageng wa 2000/2001 e ne e le R18 056 000, mme e ne e le kgolwanyane go se kae go feta ya R17 498 000 e e dirisitsweng mo ngwageng wa ditšhelete wa 1999/2000. Thebolo go ya ka dintlha tsa tekanyetsokabo e tlhalosiwa mo Setshwantsho 4.
Ditshenyegelo tsotlhe tsa ngwaga wa 1999/2000 e ne e le R17 116 000. Setshwantsho 5 se supa dipoelo tsa ditshenyegelo go ya ka dintlha tsa tekanyetso.
Lekgetho le le kgobokantsweng ke lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Aforika Borwa mo ngwageng wa 2000/2001 (go akarediwa lekgetho le le kgobokantsweng ke Biro ya Matshwao a Bosetšhaba) ka dituelo tsa ditefelo e nnile R205 740,66. Maitlhomo ke gore go lekwe ka moo go ka kgonegang ka teng gore setšhaba se tlamelwe ka tirelo ya mahala. Fela go na le ditirelo tse dingwe tse di tlhotlhwa godimo mme/gongwe e le tse di kgethegileng tse di duelelwang - go naya sekai, tiriso ya ditafole tsa tseleganyo tsa lephata la diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Dibaesekopo, Divideo le medumo, kwadiso ya sekano sa bosetšhaba ke Biro ya Matshwao a Bosetšhaba, dikgatiso, go dira dikhophi tsa dikwalo gammogo le go fetisiwa ga direkoto mo gare ga mabolokelo. Madi otlhe a tuelo a lekanyediwa ke Lephata la Matlole la Bosetšhaba.
Jaaka Setshwantsho 6 se supa, lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba le sa ntse le na le palo e e koafatsang ya diphatlhatiro - ke palogotlhe ya diphatlhatiro di ka nna diperesente di le 15 (15%). Le gale morago ga gore Moakhaefe o montšhwa wa Bosetšhaba a thapiwe mo legatong la Mokaedi Mogolo, setlamo se tla tshwanelwa ke go rulaganngwa seswa gore se kgone go diragatsa ditiro tsa sona ka matsetseleko. Seno se tla bo se kae fela go tladiwa ga diphatlhatiro tse dingwe, mme maikarabelo a tla rulaganngwa seswa go netefatsa gore le fa go ntse go na le mathata a ditšhelete, gona tirelo e diragadiwe ka moo go ka kgonagalang ka teng.
Go tsenngwa tirisong dipholesi tsa badiri tsa puso ka bophara gammogo le Pholesi ya Tekatekano mo Tirong ya Lefapha la Botsweretshi, Setso, Saense le Thekenoloji. Go tserwe dikgato di le mmalwa go netefatsa gore di a ikobelwa le go rotloetsa badiri go tshegetsa dipholesi tseno. Tlhogo ya pele ya Tlhabololo yo ga jaana e leng Mothusa Mokaedi: Togamaano le Kgokaganyo, o nna le seabe mo thulaganyong ya go thapa go tloga ka go phasalatsa diphatlatiro go fitlha go go thadisiwa ga thulaganyo ya go amogela badiri ba bantšhwa gammogo le dikhoso tsa katiso.
Pejana mo ngwageng wa 1999, maikarabelo a go gokaganya thuto ya badiri, katiso mmogo le maitlhomo a tlhabololo e ne e le a lephata la bokaedipotlana la: Togamaano, Kgokaganyo mmogo le Tlhabololo, le ga jaana e leng la Togamaano le Kgokaganyo. Go nnile le diphitlhelelo di le mmalwa tse di bonalang ka ntlha ya seno. Go amogetswe ditsela tse di maleba tsa tlhabololo ya ditlhopha tsotlhe tsa badiri. Go sekasekilwe gape mananeo a katiso a selegae. Go tlhabolotswe pholesi go kgontsha go supa badiri ba ba ka ungwang molemo go tswa mo ditshonong tse di rileng tsa thuto, katiso gongwe tlhabololo. Komiti ya Thuto le Dibasari (e e nang le kemedi e e lekalekanang ya botsamaisi le mekgatlho ya badiri) e tlhamilwe go tlhokomela phitlhelelo ya ditshono tseno. Badiri ba ba phepafatsang mmogo le ba bangwe ba ba kwa tlase ba akareditswe mo mananeong a katiso le thuto.
Go tshwerwe metseletsele ya dithutano go ralala naga go sekaseka gape thulaganyo ya tlhabololo mo setheong.
Dipalopalo tseno ga di akaretse tsa Biro ya Matshwao a Bosetšhaba, tse di begilweng mo Pegelong ya Ngwaga le ngwaga ya Motlhankedi wa Puso wa Matshwao a Bosetšhaba. Go tshwanetse gape go lemogwe gore diphatlhatiro di le 8 di fetiseditswe kwa Porofenseng ya Kapa Botlhaba fa go ne go fetisiwa tlamelo ya kwa Port Elizabeth.
Mananeo a thuto le katiso ya badiri a reboletswe ditlamelo tse dingwe, a atolositswe mme a dira go ya ka ditlhokego tse di ntšhwa go itepatepanya le dipholesi tse di ntšhwa tsa puso. Badiri ba le 33 ba abetswe dibasari tse di ba kgontshang go tsena sekolo nakwana mo maphateng a a farologaneng. Baphepafatsi le badiri ba ditshingwana ba neilwe la ntlha tshono ya go amogela katiso e e tlhamalatseng - ka tiriso ya Dithuto tsa ntlha tsa Bagolo tse di itsegeng ka ABET. Badiri ba ne gape ba rotloediwa le go kgontshiwa go tsenela dikhoso tsa paka e khutshwane tse di neng di tlhagisiwa ke SAMDI le ditheo tse dingwe tsa puso le tse e seng tsa puso. Badiri ba porofesenale ba ne ba kgontshiwa go tsaya karolo mo diseminareng, dithutanoo, dikhonferense mmogo le dikopano tse dingwe tsa seporofešenale. Baakhaefe ba le babedi ba ba botlana ba tla tsenela Seminara ya pele ga khonferense kwa Khonferenseng e e tshwarwang dingwaga dingwe le dingwe di le pedi ya ESARBICA kwa Zimbabwe pejana mo ngwageng ono. Katiso ya kwa ntle e thusitswe ka mananeo a mangwe a tlaleletso.
Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba le nna mo dikagong di le thataro tsa puso gammogo le tse dingwe di le tharo tse di hirilweng (gongwe bontlha bongwe jwa dikago). Mo go tse di sa tswang go umakiwa, di le tlhano ke dikago tsa diakhaefe tse di thadisitsweng go ya ka ditlhokego tseo.
Mo pakeng e e sekasekwang, go itemogetswe mathata a a boitshegang go tswa go Lefapha la Ditiro tsa Setšhaba. Mathata a ditšhelete a thibetse lefapha leno go netefatsa gore kago e a tlhokomelwa le go baakanngwa fa go tlhokegang teng. Ka ntlha ya seno, go itemogetswe go robega ga difokisamowa mmogo le dithulaganyo tsa thibelo ya molelo. Seemo seno se se sa jeseng di welang gotlhelele se itemogelwa bogolo segolo ke lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Dibaesekopo, Divideo le Medumo. Porojeke ya paakanyo e kgolo e e rebotsweng ka ngwaga wa 1997 e tsweletse.
Tlhaelo e kgolo ya sebaka e e itemogelwang ke Bobolokelo jwa lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba, lephata la Diakhaefe tsa Dibaesekopo, Divideo le Medumo gammogo le Tikwatikwe ya Direkoto ya Tshwane e etswe tlhoko ga jaana. Tsitsinyo e e akaretsang go okediwa ga Bobolokelo jwa lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba gammogo le go bonelwa bonno jwa tlaleletso jwa nakwana e fetiseditswe kwa Lefapheng la Ditiro tsa Setšhaba ka ngwaga wa 1993. Go ne go ise go nne le tswelelopele ka ngwaga wa 2000.
Maemo kwa Tikwatikweng ya Direkoto ya Johannesburg (e e nang le bonno jo bo hirilweng kwa Johannesburg) a tsweletse go wela tlase. Go tlhokega ga tshireletso e e lekaneng, go tlhokega ga sefokisamowa, disireletsa molelo tse di sa direng gammogo le tlhaelo ya badiri (modiri wa porofesenale a le mongwe fela) go baya direkoto mo kotsing e e seng kana ka sepe. Go fetisediwa ga direkoto tsa teng kwa Bobolokelong jwa lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba go weditswe ka katlego.
Tikwatikwe ya Direkoto ya Tshwane e na fela le direkoto tsa Lefapha la Merero ya Selegae mme tota ke tlamelo ya tshegetso ya Lefapha la merero ya Selegae. Go tsweletswe ka dipuisano le Lefapha la Merero ya Selegae go bona gore a ga gona kgonagalo ya gore lefapha le rwale maikarabelo a setheo.
Lenaane le na le manaane potlana a le mane, mme lengwe le lengwe le emetse dithebolo tse di rulagantsweng ke nngwe ya dikarolo tsa tsamaiso ya direkoto tsa lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba. Thebolo nngwe le nngwe e tlhalosiwa go ya ka nomoro ya yona ya tshupo, setheo sa puso se se nang le maikarabelo a go dira direkoto tsa go nna jalo, mofuta wa direkoto le, fa go kgonegang teng, paka e e akarediwang ke direkoto tseo. Go dirwa pharologano magareng ga dithebolo tsa ka gale le tsa nakwana - mme tsa ntlha ke tse di nang le boleng jo bo sa feleng mme di akaretsa direkoto tsa dithulaganyo tsa karoganyo ya direkoto tsa ga jaana gongwe ditlhopha tsa direkoto, fa tse dingwe di lebile fela go kgobokanngwa ga direkoto tse e seng tsa ga jaana.
S-3V Lefapha la Temothuo la Puso ya Porofense ya Foreisetata. Thulaganyo ya ga jaana ya go faela.
PSB-8V Lekgotlatoropo la Bloemfontein. Thulaganyo ya ga jaana ya go faela.
PSW-12V Lekgotlatoropo la Welkom. Thulaganyo ya ga jaana ya go faela.
S2KW Lephata la Tona ya Temothuo, Porofense ya Kapa Bophirima. Thulaganyo ya ga jaana e e rebotsweng ya go faela.
PSW10KW Lekgotlatoropo la Worcester. Thulaganyo ya ga jaana e e rebotsweng ya go faela, ditlhabololo mmogo le ditlaleletso.
2-B7KW Tsamaiso ya Porofense. Porofense ya Kapa Bophirima, Lefapha la Thuto. Go Khutlisitswe L6 ya Motseletsele Mogolo, Dipalangwa/ Go rorwa ga barutwana, 1953-1994.
2-B8KW Tsamaiso ya Porofense. Porofense ya Kapa Bophirima, Lefapha la Thuto. Go Khutlisitswe L14 ya Motseletsele Mogolo, Kalafi/tlhatlhobo ya Barutwana, 1970-1992.
2-BSKW Tsamaiso ya Porofense. Porofense ya Kapa Bophirima, Lefapha la Thuto. Go Khutlisitswe L9 ya Motseletsele Mogolo, Dituelo, 1960-1993.
2-B10KW Tsamaiso ya Porofense. Porofense ya Kapa Bophirima, Lefapha la Thuto. Go Khutlisitswe L9 ya Motseletsele Mogolo, Tirelo ya Theleso/Ditlhokego, 1975-1995.
2-B12KW Tsamaiso ya Porofense. Porofense ya Kapa Bophirima, Lefapha la Thuto. Go Khutlisitswe L1 ya Motseletsele Mogolo, Badiri le tse dingwe tsa kakaretso, 1979 - 1997.
PBS6KW Lekgotla la Kgaolo la Borwa jwa Kapa. Go khutlisitswe difaele tsa makwalo.
PBS7KW Lekgotla la Kgaolo la Borwa jwa Kapa. Go khutlisitswe difaele tsa makwalo. 1989-1999.
S1NA Lefapha la ditšhelete. Thulaganyo ya go faela e e rebotsweng.
S3NA Lefapha la Kgwebo le Madirelo. Thulaganyo ya go faela e e rebotsweng, Motseletsele wa H.
S4NA Lefapha la Kgwebo le Madirelo. Lephata la Mokaedi Mogolo la Tlhabololo ya madirelo kwa Dikgaolong. Thulaganyo ya go faela e e rebotsweng: Motseletsele wa G.
S5NA Lefapha la Kgwebo le Madirelo. Lephata la Mokaedi Mogolo la Mokwadisi wa Ditlamo. Thulaganyo ya go faela e e rebotsweng.
S1NA Tirelo ya Sepodisi ya Aforika Borwa. dikgatiso tsa medumo.
S2NA Lefapha la Temothuo. Lephata la Bokaedi la Ikonomi le Papatso. Thulaganyo ya go faela e e rebotsweng.
S1NA Tirelo ya Tlhaeletsano ya Aforika Borwa. Thulaganyo ya go faela e e rebotsweng.
S1NA Lefapha la Ditshenyegelo tsa Puso. Thulaganyo ya go faela e e rebotsweng.
PSH2NA Lekgotla la kgaolo ya Highveld. Thulaganyo ya go faela e e rebotsweng.
PSK3NA Lekgotlatoropo la Klerksdorp. Direkoto tse dingwe tsa ga jaana.
PSK4NA Lekgotla la Selegae la Krugersdorp. Dikgatiso tsa theipi tsa ga jaana tsa dikopano.
PSS1NA Lekgotla la kgaolo la Bokone. dikgatiso tsa theipi tsa ga jaana tsa dikopano.
PSS2NA Lekgotla la Selegae la Standerton. Direkoto tse dingwe tsa ga jaana.
B6NA Lefapha la Merero ya dinaga di sele. Difaele tse di khutlisitsweng tsa makwalo, 1910-1998.
B2NA Lefapha la ditšhelete. Difaele tsa makwalo tse di khutlisitsweng, 1953-1981.
B3NA Lefapha la Ditshenyegelo tsa Puso. Thulaganyo e e neng e rebotswe ya go faela ya Lekala la pele la lephata la Matlole e e khutlisitsweng, 1966-1992.
B2NA Lefapha la Tlhabololo ya Temothuo. Kgaolo ya Natal. Difaele tsa makwalo tse di khutlisitsweng, 1977-1996.
B3NA Lefapha la Temothuo le Jalo ya Dikgwa. Kgaolo ya KwaZulu, 1978-1996.
B5NA Lefapha la Ditshenyegelo tsa Puso. Thulaganyo e e khutlisitsweng ya go faela ya badiri, 1986-1994.
B1NA Porofense ya Bokone Bophirima, Lefapha la Botsweretshi, Setso le Metshameko. Direkoto tse di khutlisitsweng tsa Lefapha la Dipalangwa le Diphofo, Bophuthatswana, 1973-1996.
B5NA Puso ya Porofense ya Gauteng, Lefapha la Boitekanelo, Sepetlele sa Jusuf Dadoo. Difaele tsa Makwalo le direkoto tse dingwe tse di khutlisitsweng, 1977-1996.
B6NA Lefapha la Thuto la Porofense ya Gauteng. Difaele tsa makwalo tse di khutlisitsweng, 1960-1994.
B1NA Tirelo ya Sephiri ya Aforika Borwa. Difaele tsa makwalo tse di khutlisitsweng, 1994-1999.
S1NA Boto ya Thuso ya Molao. Direkoto tse dingwe ntle le difaele tsa makwalo le difaele tsa dikgetse tsa thuso ya molao.
B1NA Setlamo sa Botlhabelo sa Aforika Borwa. Difaele tsa makwalo le direkoto tse dingwe tse di khutlisitsweng, 1977-1992.
PBR1NA Khansele ya Merero ya Puso Selegae, Transvaal. Direkoto tse di khutlisitsweng, 1955-1995.
GILDER, Mandy Boatametse: Tokololo ya Komiti ya Bosetšhaba ya Mokgatlho wa Baakhaefe wa Aforika Borwa. Tokololo ya Komiti ya Kgakololo ya Aforika Borwa ya Lenaneo la Tirisanommogo la Aforika Borwa le Amerika. Tokololo ya Porojeke ya Tsela ya Bokgoba. Tokololo ya Komiti ya HIV/AIDS ya Lefapha la Botsweretshi, Setso, Saense le Thekenoloji. O emetse lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba mo phaneleng ya Lenaneo la Bosetšhaba la Hisetori ka Puo. O emetse lephata gape kwa Porojekeng ya Mmino wa Setso le wa Tshimologo, Kopano ya Boto ya Khuduthamaga ya Lekala la Kgaolo ya Botlhaba le Borwa jwa Aforika la Khansele ya Boditshabatshaba ya Diakhaefe e e itsegeng ka ESARBICA, Dikomiti tsa Thulaganyo tsa Legacy and Legacy, Komiti ya Thulaganyo ya Khonferense ya porojeke ya Mmino wa Setso le wa Tshimologo, Porojeke ya KOPANO. Athikele ya: "Welcome to Dr Dominy: chief Director and National Archiviest appointed on 1 March 2001", e e tlhageletseng mo Archives News 43.3.
Ke motlotlo go tlhagisa fa pele ga gago, go latela karolwana ya 24 ya Molao wa Matshwao a Puso, wa 1962 (Molao wa bo18 wa ngwaga wa 1962), pegelo e e latelang tebang le ditiro tsotlhe tsa Biro ya matshwao a Puso ya paka ya 1 Moranang 2000 go ya go 31 Mopitlwe 2001.
Ke rata go fetisetsa malebo go badiri ba Biro ka ntlha ya go nna botshepegi le boineelo mo maemong a ka dinako dingwe a neng a le boima. Batlhankedi ba Lefapha la Botsweretshi, Setso, Saense le Thekenoloji, bogolo segolo Moakhaefe wa Bosetšhaba, ba nnile le thuso e e seng kana ka sepe. Ntle le kemo nokeng eno, go ka bo go sa nna le diphitlhelelo tsa monongwaga.
Maitlhomo a Biro ya Matshwao a Puso ke go tlamela batho botlhe ba Aforika Borwa ka matshwao le ditirelo tse dingwe tse di maleba ka bokgabane jo bo kgonegang.
go tsweletsa ditiro tse dingwe tse di tla laolwang ke tona, Khansele ya Matshwao a Puso gongwe Komiti ya Matshwao a Puso go ya ka Molao.
Biro ya Matshwao a Puso ke karolo ya botlhokwa ya Lefapha la Botshweretshi, Setso, Saense le Thekenoloji mme e tsamaisiwa jaaka lenaneopotlana la lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Aforika Borwa.
Le fa ditiro tsa seporofešenale di tsamaisiwa kwa thoko, ditiro tsa kemo nokeng, go lebeletswe thata tsamaiso ya ditlamelo tsa ditšhelete le badiri, di gokagane le lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba, mme ka jalo di golagane le dipopego le mananeo a Lefapha.
Ramatshwao wa Puso ke tokololo ya Lephata la Bokaedi la Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Aforika Borwa, le le kopanang gangwe le gape, fa Moakhaefe wa Bosetšhaba ena a emela Biro ya Matshwao a Puso kwa dikopanong tsa botsamaisi jo bo kwa godimo tsa lefapha.
Tsamaiso ya ditšhelete e diragala go ya ka tsamaiso ya lefapha mme dithulaganyo tsotlhe, go tloga go tekanyetsokabo go ya go ditshenyegelo, di laolwa ke dipopegotheo tse di maleba tsa lefapha.
Madi a dituelo tsa ditirelo tsa Biro ya Matshwao a Puso di rebolwa ke lephata la Matlotlo.
Go amogetswe madi a a kana ka R102 820 tebang le kwadiso ya ditlhagiso tsa matshwao, maina, maina a a kgethegileng le diyunifomo. Madi ano a feta a a amogetsweng mo ngwageng o o fetileng ka R13 302.
Biro ya Matshwao a Puso e na le diphatlhatiro tsa semmuso di le robongwe: di le pedi tsa seporofešenale, di le pedi tsa setegeniki, e le nngwe ya tsamaiso le e le nngwe fela ya motho yo o phepafatsang.
Mo diphatlheng di le tlhano tsa batsweretshi ba matshwao a puso, e le nngwe e sa le e ntse e le lolea sebaka sa dingwaga di le tlhano tse di fetileng. Ka ntlha ya mathata a ditšhelete, ga go a kgonega gore e ka tladiwa. Nngwe ya ditiro tseno e ntse lolea kwa bofelong jwa ngwaga wa 1999 mme jaanong e tladitswe ka modiri yo go thapiwa ga gagwe go akgetseng mo go tlhabololeng sebopego sa Biro.
Biro ya Matshwao a puso ga e bolo go nna le badiri ba ba nang le maitemogelo mme e bile ba tsepame, mme le gale diphetogo tse dingwe di tla dirwa mo bogautshwaneng. Kwa bokhutlong jwa kgwedi ya Phukwi 2000, Rre F G Brownell yo o simolotseng go direla Biro ya Matshwao a Puso ka 1 Phatwe 1977 jaaka Mothusa Ramatshwao wa Puso mme a nna Ramatshwao wa Puso ka 1 Motsheganong 1982, o rotse tiro ka ntlha ya bogodi. Ka ntlha ya fa bokwadi jwa matshwao a puso gammogo le ditiro tse dingwe tse di amanang le bona e le lephata le le tlhokang boitseanape mme go ise go supiwe yo o ka tsenang mo ditlhakong tsa gagwe, o kopilwe go tswelela go dira jaaka Ramatshwao wa Puso ka konteraka ya nakwana go fitlhela go thapiwa yo o mo tlhatlhamang. Go solofetswe fa phatlatiro ya Ramatshwao wa Puso e tla phasaladiwa go sa le gale mo ngwageng o o latelang wa pegelo.
Ka ntlha ya fa go sena dikhoso tsa katiso tsa bokwadi jwa matshwao a puso gongwe thuto ya difolaga mo Aforika Borwa, go tsenela dikhonkerese tsa boditshabatshaba go naya badiri ba porofesenale ba Biro ya Matshwao a Puso, ditshono tsa botlhokwa tsa go itepatepanya le ditlhabololo kwa mafelong a mangwe gammogo le go sedimosetsa batho ba bangwe mo lefatsheng ka ga se se diragalang mo maphateng ano mo Aforika Borwa.
Ga gona gore bokwadi jwa matshwao a puso gongwe saense ya difolaga e ka tsamaya e le nosi mme ka jalo Khonkerese ya Boditshabatshaba ya bo24 ya Thuto ya Disaense tsa Tatelano ya lesika le tsa Matshwao a puso e e neng e tshwaretswe kwa Bresançon kwa France go tloga ka 2-7 Motsheganong 2000, e thusitse Mothusa Ramatshwao wa Puso ka tshono ya go golagana ka sebele le badirammogo nae ba seporofešenale gammogo le go amogana megopolo nabo, mmogo le ba bangwe ba ba neng ba tsenetse khonkerese.
Go tswelediwa katiso ya batsweretshi ba matshwao a puso ba Biro gangwe le gape mme seno se dirwa ke Motshweretshimogolo wa Matshwao a puso. Ramatshwao wa Puso o ne a tlhagisa khoso e e khutshwane e e ka ga matshwao a puso le thuto ya difolaga kwa Yunibesithing ya Tshwane kwa bokhutlong jwa kgwedi ya Seetebosigo 1999, mme seno e ne e le karolo ya porojeke ya tekeletso ya maiteko a Lefapha la Hisetori le Hisetori ya Setso ya Yunibesithi ya Tshwane. Khoso e e tshwanang le eno e ne ya tlhagisiwa go tloga ka 19-22 Seetebosigo 2000. Yona e ne e tsenetswe ke Modulasetilo wa Khansele ya Matshwao a Puso.
Go amogetswe dikopo tse dintšhwa tsa kwadiso di le 90 mo ngwageng o o fetileng. Go nnile le kwelotlatse ya kopo ya ditirelo tsa Biro go tswa kwa lephateng la puso selegae ka ntlha ya fa tlhabololo ya lephata leno e sa tswa go wediwa. Nako e e tserweng mo temeng ya sekano sa bosetšhaba mo ngwageng o o fetileng le yona e nnile le masula a yona mo tirong ya ka gale ya Biro ya Matshwao a Puso.
Ditlhagiso tsa matshwao...
Ga go a nna le kwadiso ya maina, maina a a kgethegileng gongwe diyunifomo mme di le mmalwa di sa le mo tseleng.
Dithadiso tsa rejisetara...
Dithadiso tsa tlaleletso tsa ditlhagiso tse di kwadisitsweng tsa matshwao...
Fa e sale Biro e tlhamiwa ka 1963, e setse e abile disetifikeiti tse di phatsimang tsa kwadiso di le 3 210.
Go ne go rulagantswe puo e e galalelang e e neng e ya go tlhagisiwa ke Tona kwa tirong ya Letsatsi la Ngwaoboswa ka la 24 Lwetse 2000, gammogo le dithadiso tsa nakwana tsa matshwao a mantšhwa a Palamente.
Go tsibogetswe palo e e kwa godimo ya dipotsiso tsa batho ka sebele, tsa makwalo le tsa megala mo ngwageng o o fetileng. Mo godimo ga thulaganyo e e tlwaelegileng ya tsamaiso ya dikopo tsa kwadiso ya ditlhagiso tsa matshwao, Biro ya Matshwao a Puso e latelwa gangwe le gape ke batho, ditokololo tsa ditirelo tse di aparang yunifomo gammogo le batlhankedi go tswa kwa mekgatlhong, ditheong mmogo le batlhankedi go tswa kwa mekgatlhong ya baagi, ba kopa kgakololo tebang le dintlha tsa matshwao, difolaga le tse dingwe tse di maleba. Ka ntlha ya kitso e e kgethegileng le maitemogelo a badiri ba Biro ba a boneng mo sebakeng sa dingwaga di le dintsi, ntlha eno ya bogakolodi e nna karolo ya botlhokwa tota ya tiro ya Biro. Dikgakololo tseno di na le seabe ka tlhamalalo le e seng ka tlhamalalo mo maitekong a a tswelelang a go godisa seemo sa matshwao a puso le tse dingwe tse di maleba mo Borwa jwa Aforika.
E sale go tloga kwa tshimologong, Biro e ntse e leka go tlhama letshwao le le itlhophileng la matshwao la Aforika Borwa mme thulaganyo eno e tla tswelela go ya le ditlhokego le seemo se se fetogang sa Aforika Borwa yo montšhwa. Biro ya Matshwao a puso e lebanwe ke kgwetlho e e jesang monate mo dingwageng tse di tlang ka ntlha ya go amana ga baagi ba ba farologaneng ba Aforika Borwa gammogo le tlhokego ya matshwao a mantšhwa a a kgonang go tshwaraganya le go supa baagi mo maphateng a a farologaneng. Go lebeletswe ka leitlho le lentshotsho, seabe se matshwao a tlholego a dikano a ka nnang le sona mo go humiseng bokwadi jwa matshwao jwa Aforika Borwa.
Tiro ya botlhokwa e e tshwanetseng go lebelelwa mo isagong ke go tlhamiwa ga mareo a matshwao mo dipuong tsa tlholego tsa bantsho go kgontsha Biro ya Matshwao a Puso go ikobela ditlamelo tsa Molaotheo.
Go fitlha ga jaana, dintlha tsa ditlhagiso tsa matshwao a puso di le 3 200 tse di kwadisitsweng ka fa tlase ga Molao wa Matshwao a Puso wa 1962, di setse di fetisitswe ka tiriso ya thulaganyo ya lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba ya go bona tshedimosetso ka khomphiutara. Dintlha tseno ke bontlhabongwe jwa South African Armorial, e leng kgatiso e e tlhalosegang ya dikano tse di kwadisitsweng tsa puso tsa Aforika Borwa, dibetshe mmogo le difolaga. Kgatiso nngwe le nngwe e na le dikwadiso di le 400. Dikwadiso di nna di rulaganngwa gangwe le gape mme ga jaana go weditswe kgatiso ya borobedi. Dikwadiso tsotlhe tse di ka fa tlase ga Molao wa 1935, wa Tshireletso ya Maina, Diyunifomo le dibetshe di setse di tsentswe mo khomphiutareng. Di ka bonwa ka fa tlase ga setlhogo sa Maina, Diyunifomo le Dibetshe mo dikgatisong di le nne. Dikgatiso tsotlhe tseno di setse di sekasekilwe gape go akaretsa metswedi e mengwe e e tswang mo dikwadisong tse di latetseng tseno. Go tsweletswe go tlhabolola ditshupane tsa khomphiutara tsa Biro ya Matshwao a Puso. Tsona di emela thulaganyo ya dikarata tsa ditshupane tsa ga jaana mme seno se dirwa go tokafatsa bokgoni. Meono yotlhe e e kwadisitsweng le yona e tsenngwa mo khomphiutareng go ya ka tatelano ya dialefabete.
Le fa ditshupane tsa dialefabete le tsa dinomoro di setse di siamisitswe mme di tlhabololwa gangwe le gape, porojeke ya go tsenya mo khomphiutareng dintlha tsotlhe tsa ditlhagiso tsa matshwao a Sesole sa Bosetšhaba sa Aforika Borwa tse di kwadisitsweng le Biro ya Matshwao a Puso e ne ya tshwanelwa ke go emisiwa nakwana ka ntlha ya tlhaelo ya badiri. Seno ke porojeke ya botlhokwa tota ya go leka go tila kgonagalo ya go nna le ditshwantsho tse di tshwanang, mme ka badiri ba porofesenale ba le babedi fela, tota go tlhaela badiri ba ba ka tsweletsang seno ga jaana.
Biro ya Matshwao a puso e na le dingwaga e ntse e etse tlhoko ditlhabololo tse di gona kwa dinageng tsa kwa moseja tebang le tiriso ya ditlamelo tsa dijitale go tshwantsha dikano tsa bosetšhaba le difolaga. Le fa ditifikeiti tsa Biro ya Matshwao a puso, direjisetara mmogo le bontsi jwa ditshwantshiso di thadisitswe ka seatla, sekenara se se sephara sa A3 se se rekilweng ga jaana se bontsha se na le mosola tota. Se kgontsha Biro ya Matshwao a Puso go tshwantshisa dikano tsa puso, difolaga le dibetshe tse di kwadisitsweng le Biro. Ditshwantshiso tseno di dirisiwa ka ditsela tse di farologaneng go tokafatsa ditirelo tse di tlamelwang ke Biro. Go lebeletswe gore go tla nna le porojeke ya paka telele e e tla tlhomiwang ya go tshwantshisa dintšhwantsho tsotlhe tse di mo teng ga rejisetara gore di kgone go tsenngwa mo tlamelong ya dijitale gore go kgonege gore go tlhomiwe thulaganyo ya tshedimosetso ya eleketoroniki e e tla dirisiwang mmogo le South African Armorial.
Direjisetara tse di tsentsweng mo khomphiutareng di ka kgona go bonwa mo mafaratlhatlheng a web mme seno ke kgatelopele tota. Biro ya Matshwao a puso e tsere kgato ya botlhokwa tota ka seno mme seno se kgonagetse ka thuso ya Lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba.
Tiro ya go tlhama le go thadisa matshwao ke kgang e e marara e e tlhokang patlisiso e e tswelelang. Seno se ntse se le maleba bogolo segolo mo kgannyeng ya Biro e gonne e sale fa e sena go tlhongwa, dingwaga di le 38 tse di hulereng, e ntse e tshwaragane le go tlhabolola setso le seane se se itlhaolang sa matshwao a Aforika Borwa.
Ka ntlha ya kgatlhegelo e e anameng, patlisiso mo ngwageng e e fetileng e ntse e lebeletse thata maphata a matshwao a bosetšhaba gammogo le difolaga mme jaanong go atolosiwa seno gore go lebelelwe botsweretshi jwa semorafe, matshwao, gammogo le matshwao a a nang le bokao, a eleng gore a na le seabe sa botlhokwa tota mo ditshwantshong tsa matshwao a puso a Aforika Borwa. Modulasetilo wa Khansele ya Matshwao a Puso e tla nna tokololo ya Khansele e e sa tswang go tlhomiwa ya Ngwao Boswa ya bosetšhaba. Go solofetswe fa kgolagano eno le setšhaba ka bophara e tla tswela Biro ya Matshwao a puso mosola.
Biro e tsweletse go atolosa dipontsho tsa leruri tsa matshwao a puso le difolaga mo dikantorong tsa yona mme tsona di dirisediwa katiso, dipatlisiso gammogo le go tlamela setšhaba ka tshedimosetso ka kakaretso. Dipontsho di lebile tshimologo, kitso gammogo le go tsenngwa tirisong ga thuto ya matshwao a puso, difolaga gammogo le dintlha tse dingwe tse di amanang le tsona, mme e akaretsa boleele jwa dimitara di le 150 jwa lebota mmogo le diraka tsa dipontsho di le mmalwa. Bontsi jwa nako, Biro e tsweletsa pontsho e nngwe kwa boamogelong jwa Kago ya lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba mme yona e ka bonwa ke baeng botlhe.
Mo dikgweding tsa Seetebosigo le Phukwi 2000, go nnile le pontsho kwa Laeborari ya Lekgotlatoropo la Tshwane le le neng le kopile seno.
Go tloga ka 2-7 Motsheganong 2000, Mothusa Ramatshwao wa Puso o ne a tsenela Khonkerese ya Boditshabatshaba ya bo24 ya Saense ya Tatelano ya Lesika le Bokwadi jwa matshwao a puso e e neng e tshwaretswe kwa Bresançon, kwa France. O ne a tlhagisa pampiri ka ga Sekano sa bosetšhaba se sentšhwa sa Aforika Borwa mmogo le dikano tsa diporofense.
Ka la 10 Motsheganong 2000, Ramatshwao wa Puso o ne a tlhagisa Thuto ya ngwaga le ngwaga ya Segopotso sa Mike Slotlow go Mokgatlho wa Africana kwa Tshwane. O ne a bua ka ga sekano se se ntšhwa se se sa tswang go amogelwa sa bosetšhaba.
Ditlhopha di le mmalwa tse di neng di etela kwa Birong ya Matshwao a puso le tsona di engwe ka lefoko. Bontsi jwa tsona e ne e le bana ba dikolo mmogo le ditlhopha tsa baswa.
Mo kgweding ya Tlhakole 2001, Biro ya Matshwao a Puso e ne ya tshwara Kopano kakaretso ya ngwaga le ngwaga ya Mokgatlho wa Badiri ba difolaga wa Borwa jwa Aforika mme badiri ba Biro ya Matshwao ba ne ba na le seabe sa ketapele. Ramatshwao wa Puso ke ena mothei wa Mokgatlho. Morago ga go nna tokololo ya khuduthamaga sebaka sa dingwaga di le lesome tse di fetileng, ga a ka a tlhola a itlhagisa go ka tlhophiwa gape. Mothusa Ramatshwao wa Puso o tsweletse go nna molaeborari wa Mokgatlho mme seno se thusa Biro ya Matshwao a puso go fitlhelela tshedimosetso yotlhe ya Mokgatlho.
Lenaane la dikakgelo tsa seporofešenale tsa badiri ba Biro ya Matshwao a Puso ntle le mo ditirong tsa bona tsa tlwaelo, le tla fitlhelwa mo Mametlelelo A.
Bontsi jwa badirisi ba Biro ya Matshwao a puso bo etela kwa dikantorong tsa Biro. Dipuisano le go amogana megopolo go go diragalang ka nako eo go thusa thata mo paakanyong ya go thadisa dikano, dibetse le difolaga.
Ramatshwao wa Puso, jaaka tokololo ya lephata la bokaedi la lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba o kopana le baeng ba botlhokwa ba lephata la Diakhaefe tsa Bosetšhaba.
Diteng tsa dikgatiso le ditlamelo tse di thusang go batla tshedimosetso kwa Birong ya Matshwao a puso di sekasekwa le go siamisiwa nako le nako. Kgatiso ya bo8 ya The South African Armorial e setse e weditswe fa Dikgatiso tsa 1-7 di le mo thulaganyong ya go sekasekwa gape gore dintlha tsa dikwadiso tse di latetseng morago di akarediwe.
Ditshupane tsa dialefabete le tsa dinomoro tsa matshwao a a kwadisitsweng a Sesole sa Bosetšhaba sa Aforika Borwa le tsona di sekasekilwe gape.
Sekano se sentšhwa sa Bosetšhaba se simolotse go dirisiwa ka 27 Moranang 2000. Thulaganyo e e latetsweng gore se rebolwe e tlhalositswe mo pegelong ya Ramatshwao wa Puso ya 1999-2000.
Setheo sa Thulaganyo ya Puso ya Tlhaeletsano le Tshedimosetso se se itsegeng ka GCIS, se filwe maikarabelo a go gokaganya leano la go tsenngwa tirisong.
Khansele ya Matshwao a Puso, e e leng yona setheo sa Aforika Borwa se se tlhamang dipholesi tsa matshwao a puso, e buseditswe tirong gape go tloga ka 19 Phatwe 1998, go nna mo kantorong sebaka sa dingwaga di le tlhano.
Rre F G Brownell (Ramatshwao wa Puso).
Ramatshwao wa Puso ke tokololo ya Khansele ya Matshwao a puso ka ntlha ya maemo a gagwe mme Mothusa Ramatshwao wa Puso ena o dira jaaka mokwaledi.
Mohumagatsana M E Olivier, yo e neng e le Moakhaefe wa Bosetšhaba le ena o ne a le mo Khanseleng mme o ne a leboga tiro eo fa a rola tiro ka ntlha ya bogolo kwa bokhutlong jwa Lwetse 2000. Ga jaana go lebeletswe go thapa ditokololo tse dingwe tsa Khansele.
Khansele e lebeletse ditlhabololo tse dingwe tsa Molao wa Matshwao a Puso wa 1962 tse di tlhagelelang mo Molaotlhomong o o tlhabolotsweng wa Melao ya Setso wa 2001. Go tlhagisitswe thadiso ya sekano se sentšhwa sa Sesole sa Aforika Borwa gore e sekasekwe mme e ne ya kgaphelwa thoko ke Komiti ya Matshwao a Puso mmogo le Khanselel ya Matshwao a puso ka ntlha ya fa go tilwe thadiso eo ga e a siama. Taletso ya gore go nne le patlo maikutlo go rarabolola bothata jono ga e a ka ya tsibogelwa mme sekano seo se ne sa amogelwa ke sesole moragonyana ga foo. Go a swabisa tota go bona go nna le ditiragalo tse di tshwanang le tseno ka ntlha ya fa di supa go nyatsa tiro ya semolao ya Khansele ya Matshwao a Puso mmogo le Komiti ya Matshwao a Puso.
Tiro e kgolo ya Komiti ya Matshwao a Puso ke go gakolola Ramatshwao wa Puso ka merero ya setegeniki e a e fetisetsang go yona mme go lebelela boikuelo kgatlhanong le ditshwetso tse di tserweng ke Ramatshwao wa Puso gona go fetisediwa kwa khanseleng.
Rre F G Brownell (Ramatshwao wa Puso).
Fela jaaka kwa Khanseleng ya Matshwao a puso, Ramatshwao wa Puso ke tokololo ya Komiti ya Matshwao a Puso ka ntlha ya maemo a gagwe mme Mothusa Ramatshwao wa Puso ena o dira jaaka mokwaledi.
<fn>tsn_Article_National Language Services_DIPHASALATSO TSA MEFUTA E E FAROLOGANENG.txt</fn>
Baagi ba Aforika Borwa (fela jaaka baagi bangwe le bangwe), ba na le tshwanelo e e tletseng ya go bona tshedimosetso le go fitlhelela ditlhaeletsano. Ditshwanelo tsa ditlhaeletsano ke ditshwanelo tsa botho ka kakaretso, mme di tshwanetse go somarelwa le go atolosiwa go ya ka mabaka a thekenoloji ya tshedimosetso le ditlhaeletsano e e fetogang ka bonako jwa ponyo ya leitlho. Ditlhaeletsano tsa fa gare ga baagi di abela batho dithata e bile di tlisa ditšhono tsa gore baagi bao ba nne le seabe mo kagongsešwa, tlhabololo le thulaganyo ya demokerasi.
Go ya ka mabaka a lefatshe la rona, mo bong jwa diphasalatso jo bo ntseng bo le mo matsogong le taolo ya batho ba ba rileng fela, tirelo ya kgaso ya setšhaba e supa bonnete jwa go arogana bong le go laola diphasalatso. Maatla le natla tsa dikgaso tsa selegae di simolola go tlhagelela le go bula dikgoro tsa gore baagi ba selegae ba nne le seabe. Se ke motshini wa tlhabololo; o tlhabolola le go ribolola talente; o rotloetsa le go senola setso sa tikologo, mekgwa ya botshelo le boitshupo; o tshwaela seabe mo tlhabololong ya badiri ba tirelo ya kgaso le madirelo a a tsamaelanang nao, (ke ka ntlha ya se batho bangwe ba o bonang e le matantabelo a go katisa batho); e bile o thusa go ribolola mantswe le dikakanyo tse di farologaneng.
Radio ya setšhaba ke lentswe la baagi ba tikologo mme e bile ke sedirisiwa se se maatla sa go phasalatsa tshedimosetso ka puo ya baagi ba tikologo eo. Ke mokgwa wa go tlhabolola ditlhaeletsano tsa baagi, puso, mekgatlho ya di-NGO, le mekgatlho e mengwe e e tlhomilweng mo tikologong.
Ke ka ntlha ya mabaka a, mo puso ya Aforika Borwa e emang nokeng tlhabololo e e tswelediwang ya lekala la diphasalatso tsa mefuta e e farologaneng tsa se-eleketeroniki tsa selegae, bogolo segolo radio ya selegae. Kemonokeng e, e supediwa tsela ke maano a a tshwaragantsweng le a a tla tswelediwang a puso a tlhabololo ya dikgaolo tsa magae. Go diragatsa letsholo le go dirwa go lebisitswe ditlhopha tsa setšhaba tse di neng di lomeleditswe mo nakong e e fetileng, bogolo segolo tse di leng kwa dikgaolong tsa magae. Rona re le puso, re solofela gore baagi ba tikologo ba tla dirisa dipeeletso tsa mafaratlhatlha a ka botlalo, go tswela botlhe mosola.
Ka go dirisa maano a a tshwaragantsweng a tlhabololo e e tla tswelediwang ya kwa magaeng, puso e ikaeletse go tsepamisa matsapa a yona a go abela baagi ba go nna jalo ditirelo. Maikaelelo magolo e le go tokafatsa matshelo a batho botlhe.
Mo lefatsheng lengwe le lengwe le le tlhabologang go kgabaganya lefatshe lotlhe ka bophara go ditlhokego tsa botlhokwa tsa mafaratlhatlha a ditlhaeletsano a a ikaeletsweng go tokafatsa botshelo jwa moagi mongwe le mongwe. Mabaka a a ne a eme jaana, mme e bile a santse a le teng mono Aforika Borwa, mo diphetogong tsa go kgabaganya go tswa mo kgethololong ya apartheid go fetela kwa thulaganyong ya demokerasi ka botlalo. Go ne go le botlhokwa mo ditheong tsa diphetogo le tlhabololo, go ribolola ditsela di le mmalwa tsa lekala lengwe le lengwe la tlhabololo ya setšhaba, go akarediwa mekgwa ya go di diragatsa le go di ema nokeng go fitlhelela maikaelelo a setšhaba se, mo mererong ya bosetšhaba le ya sepolotiki.
Mo ngwageng wa 1994, Ma-Aforika Borwa otlhe a ketekile moletlo wa go simolola thulaganyo ya demokerasi, e e tlhodileng Lenaane la Kagosešwa le Tlhabololo (la RDP). Maitlhomo a maikaelelo a, ke go siamisa mathata a nako tse di fetileng, go direlwa mo maikaelelong a ditlhabololo tse dintšhwa, go tsepangwe mo diphetogong tse di direlwang mo mokgweng o o mosola o o tla tswelang ditokololo tsa setšhaba molemo mo ditirong tsa tsona tsa letsatsi le letsatsi le mo molemong wa go tshela botshelo jwa bona. Kakanyo ya RDP e ntse phitlhelelo e kgolo ka e etse tlhoko ditlhokego tsotlhe tsa tlhabololo ya setšhaba, tse di akaretsang melao le ditso tsa Merero ya Kgaso.
Kwa tshimologong, Aforika Borwa e ne e na le makala a le mabedi a ditirelo tsa kgaso, a le ka fa tlase ga Koporasi Kgaso ya Aforika Borwa (SABC), e le la Bosetšhaba le la Poraefete / la Bogwebi, mme a ne a sa lekana lefatshe le le tlhabologang go ya ka ponelopele le maikaelelo a ona. Se se ne sa fetolwa ke thulaganyo ya puso e ntshwa fa melao yotlhe e e neng e lomeletsa ditlhopha tse dingwe tsa setšhaba, e phimolwa. Go ne ga tlhamiwa Molao o mošwa, o o neng wa tlhama Setheo se se Ikemetseng sa Ditirelo tsa Kgaso, (IBA - Molao wa bo 153, wa 1993). Molao o o ne o tshwanela go tlhomiwa ka kakanyo e ntshwa ya diradio tsa selegae go nna sedirisiwa sa botlhokwa sa diphetogo le tlhabololo.
Ditirelo tsa kgaso ke thulaganyo e ntšhwa ya mo Madirelong a Kgaso mo Aforika Borwa. Tsona di tlhodilwe ke boikuelo jwa go rulaganya makhubu a demokerasi, a a neng a goelediwa ke mekgatlho ya go golola lefatshe, e bile e eteletswe pele ke matsholo a demokerasi, ka fa tlase ga Mokgatlho wa Demokerasi ya Botlhe (MDM). Boikuelo jo bo konoseditswe ka go bolotsa Letsholo la Ditirelo tsa Kgaso tse di Ikemetseng go ya kwa bokhutlong jwa dingwaga tsa bo '80 le tshimologo ya dingwaga tsa bo '90.
Ka ntlha ya letsholo le, le go ela tlhoko maitemogelo a dinaga tse dingwe tsa lefatshe ka bophara, go ne ga simololwa ka kakanyo ya diradio tsa setšhaba. Balwela kgololosego le mekgatlho ya baagi e ne ya simolola diporojeke tsa diradio tsa setšhaba naga ka bophara. Go ne ga tlhamiwa Molao wa IBA mme Khansele ya IBA ya simolola go rebola dilaesense tsa diteišene tsa diradio tsa setšhaba ka ngwaga wa 1995.
Go fitlhela gompieno, IBA e rebotse mefuta ya dilaesense tsa diradio tsa stšhaba tsa paka ya nako e khutshwane, tsa nakwana le tsa dingwaga di le nne, di le 80.
Lekala la Diradio tsa Setšhaba ka thuso ya Foramo ya Bosetšhaba ya Ditirelo tsa Diradio tsa Setšhaba (NCRF), le Terasete ya Diphasalatso tsa Mefuta e e Farologaneng tse di Ikemetseng (IMDT), di ne tsa tshwara ditherisano le puso go itepatepanya le mokgwa wa kemonokeng ya setheo sa Puso ya Denmark, sa Royal Danish, wa ketleetso ya Ranta ka Ranta. Go ne ga tlhomiwa Letlole la Kagiso go tsamaisa letlole le le abilweng ke Boemedi jwa Royal Danish. Puso e eme matsapa a nokeng mme ya simolola Porojeke ya go Ema Nokeng Mafaratlhatlha a Diradio tsa Setšhaba, e e neng e ikaeletswe go dira ditshiamelo tsa go ema nokeng ditlhokego tsa botlhokwa tsa diteišene tsa diradio tsa setšhaba tsa kwa dikgaolong tsa magae le tsa metse e e mabapi le ditoropo mo nageng.
Porojeke e e weditswe morago ga ditherisano tsa nako e telele magareng ga puso le balwela kgololosego mo mererong ya ditirelo tsa kgaso ya setšhaba le mekgatlho e e di babatsang, e e neng e le, e bile e santse e le matsapa a a atlegang mo ditlhopheng tse pedi tse. Kakanyo e e emeng porojeke e nokeng e tlhotlhelediwa ke ditlhokego tsa go tlhabolola ditlhopha tsa setšhaba tse di neng di lomeleditswe mo nakong e e fetileng, tse le fa tota di neng di itse gore di ka kgona go fitlhelela makhubu a kgaso, di neng di sa kgone go itshimololela diteišene tsa radio ka ntlha ya mabaka a go tlhoka matlole a go di simolola.
Fa e sale ka nako eo, Lefapha la Ditlhaeletsano (DoC), le abile ditlamelo tsa kgaso go diteišene di le mmalwa tse di tlhomilweng kwa dikgaolong tse di di tlhokang thata. DoC e eme nokeng manaane a go gatisa mananeo, ka go etleetsa mananeo a le mmalwa mme ya tlhoma Setheo sa Bosetšhaba sa Diphasalatso tsa Se-Eleketeroniki sa Aforika Borwa (NEMISA).
Ka NEMISA, DoC e ikaeletse go katisa badiri go ema nokeng le go abela diteišene tse tsa diradio tsa setšhaba dithata ka botlalo. Tsotlhe tse di umakilweng fa godimo di tsamaisana sentle le ditirelo tse dingwe tsa lekala le ka botokololo jwa ditheo tse di tshwanang le Foramo ya Bosetšhaba ya Diradio tsa Setšhaba (NCRF).
Lefapha le ne mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng, ka ditherisano le makala a mangwe a a nang le kgatlhego, la ititaya sehuba go tlhabolola ditshiamelo tse di ka tswelediwang tsa ditlhaeletsano go batho ba ba humanegileng. Go botlhokwa gape go gatelela lebaka la gore puso e tlhabolotse lenaane la maano a ditlhokego tsa botlhokwa, le le bidiwang "Maano a a tshwaragantsweng le a a tswelediwang a go tlhabolola dikgaolo tsa magae le go ntšhwafatsa tse di mo ditoropong". Maano a lona ke go tokafatsa dikgaolo le matshelo a ditlhopha tsa setšhaba tse di neng di lomeleditswe mo nakong e e fetileng ka tlhabololo e e tshwanang kgotsa ka go tlhoma mafaratlhatlha, a a leng karolo ya tlhabololo ya diradio tsa setšhaba. Maano a gompieno a bonwa e le kutu le motheo wa tlhabololo ya dikgaolo tsa magae le matsapa a go ntšhwafatsa tse di kwa ditoropong, go tsamaelana le ditlhokego tse di botlhokwa tsa ditlhopha tse di farologaneng tsa setšhaba.
Athikele ya bo 19 ya Kgoeletso ya Boditšhabatšhaba ya Ditshwanelo tsa Botho ya 1948 e netefatsa gore motho mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go ntsha kakanyo ya gagwe kwa ntle ga go boifa sepe le go bua se se mo mafatlheng; ditshwanelo tse di akaretsa/di tlhaloganya kgololosego ya go ntsha dikakanyo tsa motho kwa ntle ga sekgoreletsi le go kgona go batlisisa, go amogela le go fetisa tshedimosetso le dikakanyo ka mokgwa wa ditlhaeletsano le go tlotla selekanyetso sa ntlha e.
Karolo ya bo 3 (a) ya Molaotheo wa Nomoro ya bo 108, Molao wa 1996, e dira ditshiamelo tsa gore baagi botlhe ba na le tetla e e lekanang ya ditshwanelo, ditšhono le mosola wa boagi jwa lefatshe le.
Karolo ya bo 9 ya Molao o e tswelela pele ka gore motho mongwe le mongwe o lekana le mang le mang fa pele ga molao e bile o na le tshwanelo e e lekanang ya go sirelediwa le go bona mosola wa molao.
a tshedimosetso nngwe le nngwe e e tshotsweng ke puso; le b tshedimosetso nngwe le nngwe e e tshotsweng ke motho yo mongwe e e tlhokegang go diragatsa kgotsa go sireletsa ditshwanelo dingwe le dingwe.
Karolo ya bo 192 e dira ditshiamelo tsa gore melao ya bosetšhaba e tshwanetse go tlhoma setheo se se ikemetseng sa go laola merero ya kgaso mo dikgatlhegelong tsa setšhaba, le go netefatsa gore tsotlhe di dirwa ka tolamo le go supa dikakanyo tse di farologaneng tsa setšhaba sa Aforika Borwa ka kakaretso.
Karolo ya 1 ya Molao wa Bothati jo bo Ikemetseng wa Tirelokgaso wa No. 153, wa 1993 (o o tlhabolotsweng), o neela tshiamelo ya goreTirelokgaso ya Modumo wa Maatla a a kwa Tlase e kaya tirelokgaso ya setšhaba, ya poraefete kgotsa ya setšhaba e e gololang maatla a motlakase a a sa feteng wate e le nngwe.
Karolo ya 1 (xviii) ya Molao o, jaaka e tlhabolotswe, e kaya gore setšhabae ka nna baagi ba ba nnang mo lefelong le le rileng, kgotsa karolo ya setšhaba se se nang le dikgatlhego tse di tshwanang le tse di tlhomameng.
c rotloetsang ditokololo tsa baagi ba ba abelwang tirelo ka yona kgotsa batho ba ba golaganngwang le yona kgotsa ba ba rotloetsang dikgatlhegelo tsa baagi ba go nna jalo gore ba nne le seabe fa go tlhophiwa le go aba mananeo a a tshwanetseng go gasiwa mo mofuteng wa tirelo eo ya kgaso; le d ka abelwang matlole ka dimpho, diketleetso, kemo nokeng kgotsa ka dipapatso kgotsa ka dituelelo tsa ditokololo, kgotsa ka go tshwaraganya nngwe le nngwe ya tse di umakilweng fa godimo.
Mo Karolong ya bo 2 ya Molao o, go rulagantswe maikaelelo magolo a Molao, fa Karoo ya bo 28 (a) e dira ditshiamelo tsa go aba dithata le tsamaiso tse di mabapi le dipatlisiso kgotsa go reetsa dikopo tsa dilaesense.
b motho yo o kopang laesense e le yo o tlhophang go dira ditshaiamelo tsa go phasalatsa tirelokgaso ya gagwe, e ka nna ka botlalo kgotsa bontlhanngwe, fela le gale e le motho yo a ka se reboleng laesense ya mofuta oo go Tirelokgaso epe e nngwe gape.
Karolo ya bo 42 e tswelela go tlamela ditshiamelo tsa tsamaiso mabapi le go reetsa dikopo tsa dilaesense tsa kgaso.
c a gore, mabapi le ditshiamelo tsa tirelokgaso e e tshisintsweng, a mokopi o engwe nokeng ke setšhaba se se maleba kgotsa bao ba ba golaganeng le kgotsa ba ba rotloetsang dikgatlhegelo tsa baagi ba go nna jalo; kemonokeng e e ka lekanyediwang go ya ka mabaka a a tla beng a laetswe; le d a gore a mokopi o tshikhinya go rotloetsa ditokololo tsa baagi ba ba tshwanetseng kgotsa bao ba ba golaganeng le bona kgotsa ba ba rotloetsang dikgatlhegelo tsa baagi bao gore ba nne le seabe fa go tlhophiwa le go dira ditshiamelo tsa mananeo a a tla gasiwang mo tsamaong ya tirelo eo ya kgaso.
a go ya ka mabaka a laesense ya medumo ya kgaso ya selegae kgotsa laesense ya thelebišene, e e seng laesense ya nakwana ya tirelokgaso ya setšhaba go tsamaelana le Karolo ya bo 47A, e tla rebolwa paka ya nako ya dingwaga di le nne.
Fa Karoo ya bo 56 ya Molao e tlamela ditshiamelo tsa gore laesense ya kgaso e obamele melawana ya Boitshwaro jwa Kgaso, Karolo ya bo 62 e letla Tirelokgaso, le Komiti ya Tshekatsheko ya Dingongorego go tlhokomela gore batshola dilaesense tsa tirelokgaso ba obamela mabaka, maemo le boikarabelo jwa dilaesense tsa bone.
Karolo ya bo 2 ya Molao wa Tirelokgaso wa No.
b Kgololosego ya go gasa ditirelo tsa thelebišene.
Karolo ya bo 32 e dira ditshiamelo tsa gore laesense ya tirelokgaso ya setšhaba e tshwanetse go tsholwa ke mong wa laesense fa Karolo ya bo 32 ya ona Molao o, yona e dira ditshiamelo tsa gore motshola laesense yo o umakilweng mo karolwaneng ya bo , o tshwanetse go okamelwa le go laolwa ke Boto ya Bakaedi e e tshwanetseng go tlhophiwa ka mokgwa wa sedemokerasi, go tswa mo ditokololong tsa baagi ba kgaolo ya tikologo e laesense e rebotsweng mo go yona.
c e tshwanetse go tsepama mo tlhagisong ya mananeo a a bayang merero ya setšhaba kwa setlhoeng, go akarediwa le, legale go sa felele fa fela, merero ya tlhabololo, tlhokomelo ya tsa kalafi, tshedimosetso ya botlhokwa le thuto ka kakaretso, merero ya tsa tikologo, ya tsa selegae le ya boditšhabatšhaba, le go senola setso sa selegae; le d e rotloetse tlhabololo ya kakanyo le maikaelelo a a tshwanang mo thulaganyong ya demokerasi le go tokafatsa matshelo a baagi.
Karolo ya bo 32 e tlamela ditshiamelo tsa gore matlole otlhe a a kokoantsweng ka go tsamaisa seteišene sa kgaso ya setšhaba a beelediwe go tswela baagi ba tikologo eo mosola le gore a tlhokomelwe ke Bothati jwa Kgaso, jo bo neetsweng dithata tsa go runa direkoto tsa matlole a ditirelo. Karolo ya bo 32 e tlamela ditshiamelo tsa gore; Bothati jwa Tirelokgaso bo tshwanetse go bolotsa dipatlisiso go netefatsa ditlhokego tsa diradio tsa setšhaba.
Pegelo ya Maikemisetso a Mmuso (White Paper) ka ga Tirelokgaso e tlhagisa mabaka a go se lekalekane ga go tlhomiwa ga diteišene tsa diradio tsa setšhaba mo nageng, mme go ya kwa pele e tlhagisa potso e e thata mabapi le phitlhelelo le tlhaelo ya didiriswa, boitseanape le bokgoni go tlhabolola tirelokgaso ya setšhaba.
Kgwetlho ya botlhokwa e e runyang go tswa mo molaotlhomong o, nnete tota, ke gore puso e abe thulaganyo ya maitlhomo a maikaelelo le tsela e e tlhaloganyesegang ka botlalo, go kgontsha gore go nne le dikgolagano tsa tirisano le makala a mangwe a a nang le kgatlhego mo go itumediseng ditlhokego tsa lekala la tirelokgaso ya diradio tsa setšhaba.
Legato la tirelokgaso ya setšhaba le theilwe go ya ka tumelo ya mabaka a gore ke ya baagi, e e itshimololetsweng ke baagi ka nosi, e bile e tsamaisiwa kgotsa ke thoto e beng ba yona e leng baagi bao. Ka ngwaga wa 1995, Bothati jwa Tirelokgaso jo bo Imemetseng (IBA) bo abetse diteišene tsa ntlha laesense e e ntšhwafadiwang morago ga paka ya ngwaga, se se tlhodileng gore go runye diteišene tse di fetang tse di itshimololetsweng ke baagi ka nosi.
Ke ka ntlha ya mabaka a, mo Lefapha le tshwaragantseng matsogo le makala a mangwe, go tlhabolola kgotsa go aba mafaratlhatlha a a botlhokwa thata. Go tsamaelana le dintlha tse di tlhalositsweng fa godimo, Lefapha le ikantse tirelo ya go aba dilaesense tsa paka ya dingwaga di le nne tse di abilweng ke Bothati jwa Tirelo - kgaso jo bo Ikemetseng (IBA ya maloba), se e ntseng motheo wa go aba didirisiwa go makala a diradio tsa setšhaba.
Diteišene tsa diradio tsa setšhaba tse di se nang laesense ya dingwaga di le nne, ga di a letlelelwa go amogela didirisiwa go tswa kwa lefapheng. Se se thusa mo ntlheng ya gore, mabaka a laesense e e abilweng ke a paka ya nako e telele, e bile go bonolo go Lefapha, go tlhokomela tswelelopele ya seteišene sengwe le sengwe sa radio se se amogetseng didirisiwa, mo tsamaong ya nako e e tsamaelanang le thulaganyo ya go tlhagisa ditekanyetso tsa puso.
Kwa tshimologong, Lefapha le kopile ketleetso e e kgethegileng kwa Lefapheng la Matlotlo go le abela bokana ka dimilione di R3,139- e le go tshegetsa lekala. Mme go tloga mo ngwageng wa ditšhelete wa 1998/99, Lefapha le ikanne go tlhabolola se e le porojeke ya lona le ikemetse le le nosi, go ya ka ditaelo tsa Lenaane la Tlhabololo le Kagosešwa (RDP).
Mo letlhakoreng la Lefapha, ditlhokego tsa go dira ditshiamelo tsa go ema nokeng mafaratlhatlha a baagi ba selegae ba ba humanegileng ba kwa dikgaolong tsa magae, go bonagetse e le kgato e e tshwanetseng ya go abela baagi ba dithata. Kgato ya ntlha ya porojeke e ntse go abela palo ya ditlhopha tsa baagi di le somerobedi go kgabaganya diporofense tsotlhe di le robong dithata, mme dikgato tse di latelang tsa dirwa mo dingwageng di le tharo tsa ditekanyetso tsa puso, tse di dirilweng mo dingwageng tsa ditekanyetso tsa bo 1999/2000 le 2000/01, go tlhoma ditirelo tse mo ditlhopheng tsa baagi ba selegae di le somaamatlhano nne.
Puso ya kwa Denmark e abile bokana ka dimilione di le R6.27 ka Letlole la Kgaso. Go botlhokwa go tlhokomela gore thulaganyo ya go tlhopha baamogeladitshiamelo ba matlole e dirwa ke mekgatlho e e umakilweng, go tila go tshwaela mo go sa lolamang ga kakanyo ya motho a le nosi mo letlhakoreng la puso mo lekaleng le.
NCRF, IMDT, Letlole la Kgaso le Lefapha di tlhomile Komiti ya Tsamaiso e boikarabelo jwa yona e leng go tlhopha diteišene tse di tla amogelang matlole a, fa diteišene di tlhomiwa. Komiti ya tsamaiso ke yona e e tlhophileng, mme e tla tswelela go tlhopha diteišene tse di abelwang matlole go ya ka mokgwa wa laesense ya dingwaga di le nne tse di abilweng ke Bothati jo bo Ikemetseng jwa Ditlhaeletsano jwa Aforika Borwa (ICASA).
Go fitlha ga jaana gompieno, diporofense tse di boneng mosola mo porojekeng e ke, Porofense ya Bokone ka diteišene di le tharo, Mpumalanga di le pedi, Bokone Bophirima di le pedi, Kapa Botlhaba di le nne, Kapa Bokone di le pedi le Foreisetata yo le ena a tlhometsweng di le nne.
Ditheo tse dingwe tsa radio tse e seng tsa selegae tse di tshwanang le Ditirelo tsa Puso tsa Tshedimosetso la Ditlhaeletsano (CIS), le tsona di amogetse didirisiwa. Lefapha la Temothuo le NEMISA le tsona di abetswe didirisiwa ka ntlha ya diporojeke tse di di boloditseng kwa setšhabeng. Lefapha la Temothuo le tlhama le go gatisa mananeo a a romelwang kwa diteišeneng tsa diradio tsa setšhaba go a gasa.
Border Technikon, fela jaaka Lefapha la Temothuo, le yona e bone mosola gonne mananeo a yona le diporojeke di itshetlegileng mo go tlhabololeng setšhaba. Go tshwanetse gape ga ntshetswa mo pontsheng gore didirisiwa tse di setseng di tla abelwa Porofense ya KwaZulu Natala, Porofense ya Gauteng, le Porofense ya Kapa Bophirima ka ya ntlha tiro e e diegileng ya go abiwa ga dilaesense.
Mo godimo ga didirisiwa tse di setseng di abilwe, Lefapha le na gape le setudio se se bontshiwang. Go na le didirisiwa tse di bolokilweng tse diteishene tse di setseng di abetswe tirelo di tla etelwang gape; mme diteishene tse di tshwanang le Radio ya Selegae ya Unitra le Border Technikon (e e seng radio ya selegae) kwa Kapa Botlhaba, Radio ya Selegae ya Yunibesiti ya Venda (Univen) le Radio Turf kwa Limpopo, le Lentswe Stereo kwa Foreisetata di tla bonang molemo fa diporofense tse di jelwa nala gape.
Puso e tsere matsapa a go netefatsa gore go na le lekala la diradio tsa setšhaba tse di bokgoni le tse di tswelediwang pele. Go ya ka pego le ditshisinyo tsa Comtask, e rile ka ngwaga wa 1996 puso e ne gape ya ikana go tsamaelana le tshweetso ya Kabinete go tlhoma setheo se se tla rotloetsang gore ditlhopha tse di neng di lomeleditswe mo nakong e e fetileng, di fitlhelela diphasalatso le go tsholetsa bontsi jwa palo ya diphasalatso.
Ke fa go tlhongwa kgato ya boraro e ntšhwa, e e bidiwang Tirelokgaso ya Setšhaba, e e tlhomilweng ka kakanyo ya nako e e fetileng le go thiba phatlha e e neng e le teng. Ka se go ne ga tlhomiwa thulaganyo e ntšhwa ya ditirelokgaso ka ngwaga wa 1993, eo ka yona setšhaba se neng sa itse sepe gotlhelele ka ga tirelokgaso, se neng lwa ntlha sa ikutlwisa go nna le sedirisiwa sa go buisana se se tlhomilweng le go tsamaisiwa ke sona, mo tikolong ya kgaolo ya sona. Ditirelo tse tsa kgaso ya diradio tsa Setšhaba di ne tsa bolodiwa ka mokgwa wa go iteka lesego go tswa mo setšhabeng le puso, tse di neng di kgaogane thata le go se dirisane mabapi le go tlhomiwa ga lekala le.
Le gale, bomankge ba boitseanape jwa lekala le ba ne ba tlhoma mekgatlho e e neng e tshwanetse go dirisana le puso le go e gakolola ka fa seabe sa yona se leng botlhokwa ka teng mo tirong e, fa e ka tsenya seabe sa yona go tlhabolola le go tshegetsa lekala le. Fa ke gona mo go simolotseng tirisano ya semphato magareng ga puso le lekala le, mo ditlhopha ka bobedi di neng tsa simolola go supa dikgatlhego tse di tshwanang, mme ga tlhomiwa seoposengwe se se neng sa itumedisa baagi thata, ba ba neng ba ka se kgone go tlhoma mafaratlhatlha a a tlhokegang a tirelokgaso.
Lenaane le le ikaeletswe go maatlafatsa ditšhaba tse di humanegileng mafaratlhatlha a tlhaeletsano. Tsona di abetswe ditlamelo tsa disetudio tsa go gasa, disetudio tsa go gatisa mananeo le didirisiwa tsa go romela makhubu a kgaso. Ka lenaane le, ditlhopha di le mmalwa tsa setšhaba di abetswe dilaesense ke IBA (e ga jaana e leng ICASA), mme di gasa ka dilaesense tsa Tirelokgaso ya Diradio tsa Setšhaba tsa dingwaga di le nne.
Setšhaba se katisitswe go go tlhagisa mananeo ka dikopano tsa ditherisano tsa diporofense le go tlhoma Dikomiti tsa Diporofense tsa go Gatisa le go Tlhagisa Mananeo ka mekgatlho e e tlametsweng ka bokgoni jo bo tletseng ka ga ditemakgang tse di tshwanetseng, mafelo a go gatisa le go tlhagisa mananeo le go a gasa. Mananeo a, a tshegetsa diteišene go kgona go gasa mananeo ka ga merero ya tlhabololo ka tirisano le setšhaba.
Se se rotloetsa setšhaba go nna le seabe ka botlalo mo go tlhopheng le go tlhagisa mananeo a a tshwanetseng go gasiwa. Mananeo a ga jaana a mabapi le merero ya basadi, ya bana, ya digole le boitekanelo, le e e jaaka HIV/AIDS. Manaane a a thusa go tlhoma Ditheo tsa Diporofense tsa Ditiro tsa go Tlhagisa Mananeo, e le go thusa bokgoni jwa go tlhagisa mananeo a mo legatong la diporofense. Mo manaaneng a, go akareditswe gape le Mefuta ya Katiso.
Go tsamaelana le Maano a a Tshwaragantsweng a Puso a Tlhabololo e e Tswelediwang ya Dikgaolo kwa Magaeng (di-ISRDS), Lafapha le tlhoma Ditikwatikwe tsa Bobegakgang jwa Setšhaba ka Eleketeroniki kwa Magaeng kwa Diofising tsa Poso / kgotsa kwa Dikolong (fa go se nang Diofisi tsa Poso kwa ditikolong tsa magae). Ditikwatikwe tse di tla kokoanya tshedimosetso le go tlhabolola didirisiwa tsa setšhaba tse di tshwanang le Radio ya Setšhaba, Thelebišene ya Setšhaba, Ditikwatikwe tsa Ditlhaeletsano tsa kwa Kgakala, Mafaratlhatlha a Tshedimosetso ya Botlhe (PIT), a Inthanete, le a mangwe.
Ditikwatikwe tse kwa tshimologong di tla tlhomiwa mo mafelong a dithota a le 18 a a supilweng ke di-ISRDS. Mokgwa o o ikaeletswe go abela ditlhopha tsa setšhaba dithata le go netefatsa tlhabololo e e rulagantsweng sentle ka botlalo. Mafelo a a tla dirisediwa gape le ditlhabololo tse dingwe tse di tlhokagalang go ema lenaane le le umakilweng fa godimo nokeng; go tshwana le ditsela, kabo ya motlakase le metsi, le tse dingwe, ka go dirisana le mafapha a mangwe a a lebaganeng a puso. Ka go rialo Lefapha le dirisana mmogo le letsholo la Ditikwatikwe tsa Maphata a a Farologaneng a Setšhaba (di-MPCC), go netefatsa maano a a tshwaraganetsweng a tlhabololo e. Mekgatlho e e seng ya puso le e mengwe e e theilweng mo setšhabeng e na le seabe mo tirong ya go tlhoma di-MPCC mo makaleng a tikologo ya selegae, a diporofense le a bosetšhaba. Kgolagano e e tla netefatsa gore yona mekgatlho e, e tla tsamaisa tlhabololo ya bobegakgang jwa setšhaba mo dikgaolong tsa sona.
Mo pakeng e telele, Lefapha le tla tlhama pholesi e e ka lebisang kwa tlhabololong ya dipeomolao go tlamela lekala le mo madirelong a tlhaeletsano.
Morago ga pego ya Comtask e e amogetsweng ke Kabinete, puso e ne ka GCIS ya tlhabolola lokwalo lwa Ditherisano (Bukana ya Ditherisano), lo lo neng lwa phasaladiwa gore setšhaba se tshwaele mo go lona. Ka ntlha ya ditshwaelo tseo, puso e tshwaragane le go tshwaraganya matsapa a yona a maikaelelo a a tla netefatsang go tlhomiwa ga thulaganyo ya mekgwa e e tla tshegetsang tsweletso- pele, mo gare ga tse dingwe, ga lekala le.
Diporojeke tse di umakilweng fa godimo di tlhabolotswe go tswa mo tshegetsong ya lekala le, ka baemedi ba mekgatlho e. Diporojeke tse di ikaeletswe go natlafatsa tiro le ditshegetso tse di dirwang ke lekala le ka Mekgatlho e Mengwe e e seng ya Puso (di-NGO), mmogo le mekgatlho ya boditšhabatšhaba e e abang matlole, fa go sale go bolodiwa tlhabololo e. Mmuso o amogela le go lebogela seabe sa yona ka botlalo.
<fn>tsn_Article_National Language Services_DIPOROJEKE TSA TSWELONTLE.txt</fn>
NAFVSA e na le Karolo ya Tswelontle, e e dirang gore matheriale o nne teng kwa MaAforika Borweng otlhe segolo baagi ba maloba ba ba neng ba ikgatholositswe. Mo go bopeng dikgwebisano tsa tebesiso le ditheo tse dingwe, e leka go fitlhelela MaAforika Borwa otlhe.
Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Filimi, Bedio le Modumo di amega mo diporojekeng tse di mmalwa. Ditheo tsa thuto di lalediwa go bona difilimi le go tshwara dipuisano ka setlhogo sengwe le sengwe se ba ikutlwang go tlhokega go se akaretsa. Seno se dirwa ka kgolagano le barutabana le batlhatlheledi. Maikaelelo magolo a karolo ya tswelontle ke go isa "Baesekopo kwa Bathong" koo baagi ba ka ungwang go tswa mo go yona. Seno se dirwa ka kgolagano le mekgatlho e mengwe jaaka dikolo, madirelo a a maleba, dikereke, mekgatlho ya baagi le setšhaba ka kakaretso. NAFVSA e lebile baagi ba magae ba ba sa itseng se akhaefe ya filimi e leng ka ga sona ka le bona gape ba na le ditshwanelo go fitlhelela tshedimosetso.
NAFVSA e ikaelela go dirisa Ditikatikwe tsa Botsweretshi tsa Baagi, tse di neng di agilwe ke Lefapha la Botsweretshi le Setso go konosetsa maikemisetso a. Kereke, sekolo le dintlolehalahala le tsona di tla dirisiwa.
Re rotloetsa baagi kana mongwe le mongwe yo o nang le kgatlhego mo ngwaobosweng ya kutlo pono ya naga e go golagana le rona fa ba na le dikopo go dirisa ditirelo tsa NAFVSA.
NAFVSA e na gape le karolo e e dirang ka poloko ya dikwalo tsa molomo tse di tswalang diphatlha mo ditiragalong tsa rona. Batho ba botsolodiwa ka ditlhogo tse di farologaneng tse di ikaegileng mo setsong, botsweretshi, tiragalo le kago ya setšhaba.
Dipatlisiso tse di dirilweng ka 1956 di feletse ka peomolao e tlhoma Boto ya Bosetšhaba ya Filimi ka di 1 Moranang 1964. Tiro e kgolo ya Boto ya Bosetšhaba ya Filimi e ne e le go thusa mo kgodisong ya madirelo a filimi. Ditiro tse dingwe e ne e le go thalelela, kamogelo, go boloka le go dira gore e nne teng kwa badirising ba yona, difilimi tse di neng di dirilwe mo kana ka Aforika Borwa. Go dira ditiro tse karolo e e itseweng jaaka Setheo sa Aforika Borwa sa Filimi e ne ya tlhomiwa. Leina la karolo le ne la fetolwa morago go nna Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Filimi.
Ka di 31 Sedimonthole 1979 ditiro tsa Boto ya Bosetšhaba ya Filimi di ne tsa khutlisiwa. Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Filimi ke tsona fela karolo e e falotseng mme e ne ya sutisediwa kwa Lefapheng la Bosetšhaba la Thuto. Kwa bofelong ya nna karolo ya Diakhaefe tsa Naga (morago Diakhaefe tsa Bosetšhaba) ka 1982, mme fa e sale di dira jaaka bobolokelo bo bo itlhopholotseng jwa direkoto tsa kutlo pono (kana "dikwalo" tsa kutlo pono go ya ka lereo le le dirisitsweng mo Molaong wa Peeletso ya Semolao).
Molao wa Diakhaefe tsa Bosetšhaba tse dintšhwa tsa Aforika Borwa o tsene mo tirisong ka di 1 Ferikgong 1997. O tlamelela kgobokanyo, poloko le phitlhelelo kwa direkotong tsa kutlo pono tse di tlhodilweng ke ditheo tsa mmuso le tsa poraefete ka bobedi le batho ka nosi. O kgontsha gape Diakhaefe tsa Bosetšhaba , kana ka tlhamalalo NAFVSA, go kopa batlhagisi le baphatlalatsi ba ditlhagiso tsa kutlo pono go aba dikhophi tsa tiro ya bona. Seno ga se dire kwa ditlhagisong tse di tshwanetseng go beelediwa go ya ka Molao wa Peeletso wa Semolao. Matheriale wa kutlo pono o ka bonwa gape ka mokgwa wa ditshutiso go tswa mafapheng a mmuso kana mekgatlho, dikabo tsa boithaopo, dithefosano le ditheko. Diakhaefe tsa Bosetšhaba tsa Filimi, Bedio le Modumo di fitlheletse botokololo bo bo tletseng jwa Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Diakhaefe tsa Modumo (IASA) ka 1989. Ka 2002 e bone botokololo bo bo tletseng jwa Kopano ya Diakhaefe tsa Filimi tsa Boditšhabatšhaba (FIAF).
NAFVSA ke karolo ya Diakhaefe tsa Bosetšhaba ka fa tlase ga Lefapha la Botsweretshi le Setso.
Go tokafatsa tirisanommogo magareng ga ditheo tse di nang le thuo ya direkoto tse di jalo.
NAFVSA ke setheo sa mmuso se se bolokang ngwaoboswa ya kutlo pono ya naga ya dikokomane tsa isago. Dikagego tse di farologaneng jaaka difilimi, dibedio, dikgatiso tsa modumo le matheriale o o amanang di ka bonwa kwa filiming, bediong le diakhaefeng tsa modumo. NAFVSA e tshwanetse go bonwa jaaka tikatikwe ya motswedi ya ngwaoboswa ya kutlo pono ya Aforika Borwa.
NAFVSA e na le phaposi ya go buisa koo babatlisisi ba ka lebelelang dithusi tse di farologaneng mmogo le motswedi-tshedimosetso wa khomputara, ntle le tuelo. Go bona kana go reetsa matheriale, peelano e tshwanetse go dirwa pele ga nako. Kitsiso ya malatsi a la mararo e a tlhokega go letla matheriale go tlwaela pele o ka lebelelwa kana go reediwa mo sedirisiweng se se maleba. Matheriale o ka fitlhelelwa mo lefelong la NAFVSA ka tuediso e e tlhomamisitsweng ke Ramatlotlo. Baithuti ba sebele ba ka re, ka peeletso ba bona kana ba reetsa matheriale ntle le tuelo. Tumelelo e e kwadilweng ya beng ditshwanelo e a tlhokega pele matheriale ofe kana ofe o ka nna teng go gatisiwa ka sebedi.
Kwa ntle le kgobokanyo ya kutlo pono NAFVSA gape e na le matheriale o o amanang jaaka dithedimogane, diphousetara, ditshwantsho, dikwalwa, dilo tsa musiamo le laeborari e e dirang ka matheriale wa kutlo pono.
Laeborari e na le bokana ka dibuka tse 3000 go ralala dikarolo tsotlhe tsa naga ya boithabiso, matlha go tswa malatsing a pele a Boto ya Bosetšhaba ya Filimi e ga jaana e emisitsweng mme ke laeborari ya kaelo fela, ka ntlha ya boleng jwa bontsi jwa dibolumo. Le gale, dibuka tsotlhe mo laeborari di ka lebelelwa mo lefelong la Filimi, Bedio le Diakhaefe tsa Modumo, mme dikgatiso di ka dirwa ka madi a le mannye.
NAFVSA e na le kgobokano ya bokana ka diphousetara tsa filimi di le sekete se le sengwe tse di sa tlwaelegang, tsa letlha la kwa morago la De Voortrekkers , filimi ya dipopego e e leng teng ya bogologolo mo Aforika Borwa. Bontsi jwa diphousetara tse tota ke mofuta o le mongwe mme o ralala mefuta yotlhe e mengwe ya difilimi tsa selegae.
Jaaka ka kgobokanyo ya phousetara, Akhaefe e na le kgobokanyo ya ditshwantsho tse di amanang le dipopego tsa difilimi tsa selegae tse di farologaneng . Ditshwantsho tsa go batla e nna tsotlhe tsa dipopego tsa difilimi tse di tlhagisitsweng mo nageng e fa e sale 1916 di ka fitlhelwa fa. NAFVSA e na le kgobokanyo ya bokana ka filimi dikwalwa tse 1200 go tswa dipopegong tse di farologaneng tsa difilimi tse di dirilweng mo selegaeng.
NAFVSA gape ke motshodi wa kgobokanyo e kgolo ya direkoto tsa pampiri tse di tshotseng dikwalo, ditshego tsa kuranta, ditshwantsho, mananeo le diboroutšhara tse dikgologolo ka teatere, mmino, dikwalo le botsweretshi jwa dipente. Bontsi jwa matheriale mo setlhopheng se bo tlhagile kwa dikabelong tsa batho ba poraefete le ditheo tse di neng di na le kgatlhego mo tiragatsong le botsweretshi jwa dipente.
NAFVSA e tshwana e le esi ka gore ke e le nngwe ya di le mmalwa fela ya diakhaefe lefatshe ka bophara tse di bolokang filimi, bedio le matheriale wa modumo ka fa tlase ga marulelo a le mangwe. Go fitlhelela dikgobokanyo tse di tshwanang di le esi tse, tse ka pono di tlhagisang tiragalo ya Aforika Borwa e nnile mme e tla nna ya thuso e kgolo mo dikokomaneng tsa isago tsa MaAforika Borwa. Ba ka reetsa bonolo mme ba bona se se diragetseng mo nakong e e fetileng mme ba ka ya pele go akanya ka fao madirelo a pono kutlo a ka lebegang ka teng mo isagong.
Ka ntlha ya diphetogo tsa ka bonako mo thekenolojing, sedirisiwa se se neng se dirisiwa dingwaga di le 20 tse di fetileng ga se dire gompieno; le gale, se ka dira go tlamela tshedimosetso ya lemorago, mme ke ya kgatlhego ya tiragalo mo go bontsheng tsweletso ya madirelo a kutlo pono.
<fn>tsn_Article_National Language Services_DIPOTSO LE DIKARABO MALEBANA LE KITSISO YA DITUKI TSE DI PHEPA.txt</fn>
Goreng go tsentswe lloto mo teng ga peterolo?
Peterolo e tlhoka seelo se se rileng sa octane go thibela gore enjene e seke ya "dira modumo". Modumo wa enjene o bakiwa ke mathata a a sa laolegeng a karolo ya bofelo ya motswako wa setuki sa mowa mo tšhembareng ya molelo mme seno se ka baka tshenyo mo enjeneng. Seelo sa octane sa setuki ke tekanyetso ya kamoo se kgonang go emelana le modumo ka teng - fa seelo se le kwa godimo, kgonagalo ya gore setuki se ka baka modumo e nna kwa tlase. Go tsenya lloto mo peterolong e nnile mokgwa o o tlhotlhwatlase go gaisa wa go oketsa seelo sa yona sa octane.
Goreng go tlosiwa lloto mo peterolong?
Lloto ga e bolo go dirisiwa thata jaaka setlaleletsi mo peterolong go tloga ka dingwaga tsa bo1920. Fela peterolo e e nang le lloto e ka seke ya kgona go dirisiwa ke dirori tse di nang le difetodi tse di diretsweng go fokotsa mesi e e kotsi ya makgwamosi, ka ntlha ya fa lloto e le bonako go dira gore difetodi di seke tsa kgona di dira leruri. Seno, mmogo le temogo ya gore lloto e e tswang mo mosing wa dirori e na le bokgoni jwa go ama boitekanelo jwa batho ka tsela e e sa siamang, se ne sa baka gore e fedisiwe ka iketlo. Seno se simolotswe kwa Amerika Bokone mme ga latela Yuropa, mme jaanong lefatshe lotlhe le mo mokgapheng ono.
Petorolo e e nang le lloto e tla fedisiwa gotlhelele go tloga ka letlha lefe mo Aforika Borwa?
Peterolo e e se nang lloto e itsisitswe la ntlha mo mebarakeng ya Aforika Borwa ka ngwaga wa 1996. Fa e sale ka letlha leo, tiriso ya peterolo e e se nang lloto e oketsegile ka monokela mme ga jaana e ka balelwa mo go bokana ka 40% ya dithekiso tsa peterolo mo Aforika Borwa. Go tloga ka 1 Ferikgong 2006, ga go kitla go tlhola go tsenngwa lloto mo petorolong ka nako ya tlhagiso mme ditlamo tsa oli di ka seke tsa tlhola di rekisa peterolo ya lloto.
Go tla nna le peterolo ya kereiti efe ya octane go tloga ka 1 Ferikgong 2006 mo Aforika Borwa?
Puso e sweditse gore go tla letlelelwa dikereiti tse tharo tsa octane tsa peterolo e e se nang lloto mo Aforika Borwa (mo dikgaolong tsa mabopo le tse di mo gare ga naga) morago ga 1 Ferikgong 2006, e leng 91, 93 le 95 Research Octane Number (RON). Tlhokego le tiriso mo mebarakeng e tla swetsa gore ke dikereiti dife mo go tseno tse di tla nnang gona mo dikarolong tse di farologaneng tsa naga. Beng ba dirori ga ba a tshwanela go solofela go fitlhela dikereiti tsotlhe tsa octane kwa mafelong otlhe, fela ba ka solofela go fitlhela kereiti e e siametseng serori se se rileng, gongwe le gongwe kwa ba yang gona mo Aforika Borwa.
Go tlaleletsa moo, dikereiti tsa octane di le 2 tsa peterolo e e emetseng lloto di tla letlelelwa, e le kereiti ya 95 octane kwa mabopong le kereiti ya 93 octane mo bogareng jwa naga.
Dikereiti tse di tlhokegang tsa octane di tla fitlhelelwa jang ntle le go tsenya lloto?
Mafelo otlhe a bophepafatso a Aforika Borwa a beeleditse gongwe a tsweletse go beeletsa mo ditlamelong tsa tlaleletso le thekenoloji e e botoka ya phepafatso go a kgontsha go tlhagisa bontsi jo bo gaisang jwa dikarolwana tsa octane e e kwa godimo. Ka ntlha ya fa tlhokego ya octane e feta bokgoni jwa mafelo a phepafatso a selegae, go tla nna le tlisoteng ya dikarolwana tsa motswako wa octane e e kwa godimo gongwe peterolo e e nang le octane e e kwa godimo go netefatsa gore go fitlhelelwa tlhokego.
A go tla nna le phetogo mo seelong sa bensini mo peterolong morago ga 1 Ferikgong 2006.
Seelo sa bensini se tla lepalepana le seelo se se tshitshintsweng se se laolwang se se tshwanetseng go simolola go dira ka ngwaga wa 2006. Seno se lepalepana le tekano ya dipeelo tsa EURO.
Ditlhotlhwa tsa dikereiti tse di farologaneng tsa peterolo di tla bewa jang?
Ditlhotlhwa tse di laolwang tsa dipompo di tla laolwa ka go dirisa mokgwa o o tshwanang le wa ga jaana. Seno se kaya gore peo ya ditlhotlhwa tsa dikereiti tse di se nang lloto tse di setseng di le gona ga jaana (95 octane kwa mabopong le 93 octane mo bogareng jwa naga) e tla tswelela pele jaaka pele. Ditlhotlhwa tsa dikereiti tse di emelang lloto di tla tshwana le ditlhotlhwa tsa peterolo e e se nang lloto ya octane e e tshwanang.
Mo mafelong a a mo bogareng jwa naga, moo e leng gore kereiti e e senang lloto ya 95 octane e tla bo e simolola go nna gona, go tla itsisiwe tefiso e e kgethegileng ya "tsamaiso ya tlhokego" mo kereiting eno ya tlaleletso, mme seno se tla oketsa tlhotlhwa ya pompo e e leng pharologano magareng ga yona le peterolo ya 93 octane ka 10c litara kwa tshimologong. Lebaka la seno ke gore bontsi jwa dirori mo bogareng jwa naga bo kgotsofaditswe ke peterolo ya 93 octane e ga jaana e leng yona e e kwa godimo go gaisa, tota e bile e le yona fela e e gona. Peterolo ya 95 octane e tla nna teng mo bogareng jwa naga e le go kgotsofatsa ditlhokego tsa dirori tsa thekenoloji ya sešweng e ga jaana e itsisiweng ke indaseteri ya dirori. Ka ntlha ya fa jaanong beng ba dirori ba tla nna le boitlhophelo magareng ga dikereiti, le go tila tshenyo ya octane, go ka eletsega gore e nne fela ba ba tlhokang 95 octane ba ba tla itlhophelang go e dirisa, - tefiso ya mo bogareng jwa naga ya tsamaiso ya tlhokego e itsisiwe go rotloetsa beng ba dirori go akantshisa ditlhopho tsa bona ka kelotlhoko. Kwa mabopong, koo e leng gore tlhokego e ntsi e tla nna ya peterolo e e nang le octane e e kwa godimo (ka kakaretso, fa bogodimo bo le kwa tlase, serori se tlhoka seelo se se kwa godimo sa octane) mme e bile ga jaana peterolo e e senang lloto ya 95 octane e le yona fela kereiti e e gona, ga go kitla go nna le tefiso ya tlaleletso mo kereiting eno.
Ke tla itse jang gore ke kereiti efe ya Peterolo e e siametseng serori sa me?
Go rulaganngwa banka ya tshedimosetso e e tla bontshang ditlhokego tsa mefuta yotlhe ya dirori tse di gona mo ditseleng tsa rona. Tshedimosetso eno e tla nama, mme e ka fitlhelwa mo mafelong a le mantsi, go akarediwa ditsha tsa inthanete tsa National Association of Automotive Manufacturers (setsha sa inthanete sa NAAMSA - www.naamsa.co.za) le South African Petroleum Industry Association (setsha sa inthanete sa SAPIA - www.sapia.co.za). Mo mofuteng mongwe le mongwe wa serori, tshedimosetso e tla bo e arogantswe ka go farologana malebana le tiriso ya kwa mabopong le mo bogareng jwa naga gore go atlenegisiwa kereiti efe (ke faboriki le gore se dire ka tshwanelo) le gore serori se ka amogela dikereiti dife gape (go tewa tse e leng gore se ka dira sentle ntle le go senya enjene, mme fela e se gore se dira ka bokgoni jo bo feletseng mo diroring dingwe tse di rileng). Mong wa serori o na le boitlhophelo jwa go dirisa kereiti nngwe le nngwe fela e e bontshiwang e le e e atlenegisiwang, kgotsa e ka tsamaelana le serori. Beng ba dirori ba tshwanetse go gakologelwa gore mekgwa ya bona ya go kgweetsa e ka nna le tshusumetso mo go reng ke kereiti efe ya octane e e tsamaelanang sentle le ditlhokego tsa bona. Go tla nna gape le dintlhakaedi tse di bonolo tse di bontshang dituki tse di maleba tse di ka dirisiwang mme tsona di ka fitlhelwa mo setsheng sa inthanete.
Go diragala eng fa ke dirisa peterolo ya octane e e fosagetseng mo seroring sa me?
Mefuta e e farologaneng ya dirori e na le ditlhokego tse di farologaneng tsa octane. Go dirisa peterolo ya kereiti ya octane e e fetang e e tlhokwang ke serori sa gago ga go tlhokege mme e bile ke tshenyo ya tšhelete fela, bogolo segolo ka ntlha ya fa go sena dipoelo dipe tsa tlaleletso mo tiragatsong ya enjene mme go sena bokgoni bope jwa tlaleletso jo bo ka itemogelwang. Go dirisa peterolo e e nang le octane e e kwa tlase thata go ka fokotsa bokgoni jwa tiragatso jwa enjene le bokgoni jwa dituki, mme go ka baka gore enjene e nne le modumo, e leng se se ka bakang tshenyo mo enjeneng mo tsamaong ya nako. Go tshwanetse ga lemogwa gore ditlhokego tsa octane tsa serori se se riling di ikaegileng mo dintlheng di le mmalwa, go akarediwa seemo sa tiriso le ka moo e kgweediwang ka gona, mme tlhokego ya octane e oketsega go gaisa mo morwalong o o boima, le mo maemong a kakofiso ya serori ka kakaretso.
Goreng ke sa tshwanela go dirisa kereiti ya octane e e fetang tlhokego ya octane ya serori sa me?
Peterolo e e nang le octane e e kwa godimo e tlhoka phepafatso e e tseneletseng le tiriso e e kwa godimo ya maatla ka nako ya tlhagiso. Fa tiriso eno e sa busediwe ka bokgoni jo bo kwa godimo jwa serori se se dirisang dituki, maatla ano a tlaleletso a itshenyegela fela. Tshenyo eno e baka go kgwa mosi o montsi wa khabonedaeokosaete o o senyang tikologo ya rona.
Go dirisa dikereiti tsa octane tse di kwa godimo go na le tse di tlhokwang ke serori sa gago go go jela madi a mantsi, go jela naga madi a mantsi mme gape go ama tikologo ka tsela e e bosula. Go ntse go le jalo, ga go kitla go nna le dipoelo tsa tlaleletso malebana le kgweetso gongwe tiragatso ya serori.
Ka kakaretso, peterolo e e senang lloto e siametse go dirisiwa mo dithuthuuthuung, metšhini ya tlhaga le dienjene tsa dibotontle, ntle le fela le mefuta e se kae e e dirisang thekenoloji ya maloba ya dienjene. Botsa morekisi wa sediriswa sag ago fa o na le matshwenyego ape fela.
A dirori tsa bogologolo di ka dirisa peterolo e e senang lloto?
Go tila mathata a a ka nnang gona, ka karetso dirori tseno di tshwanetse go dirisa peterolo e e emelang lloto, le fa dingwe di ka nna tsa kgona go dirisa peterolo e e senang lloto. Fa o eletsa go dirisa peterolo e e senang lloto, o ka ikgolaganya le faboriki.
Fa ke dirisa peterolo e e senang lloto, peipi ya me ya lekgwamosi ga e nne tshweu jaaka e ne e dira fa ke dirisa peterolo e e nang le lloto. A seno se kaya gore enjene ya me ga e sa tlhole e dira bontle?
Nnyaa, seo ga se bontshe kamego epe ya tiragatso. Peipi e e tshweu ya lekgwamosi fa go dirisiwa peterolo e e nang le lloto e bakwa ke dilwana tsa lloto tse di kgomarelang mo lekgwamosing fa setuki se šwa. Fa go tlositswe lloto, lekgwamosi le nna le setlha gongwe lekwebu. Seno ga se kae gore go na le phoso ka enjene gongwe gore e simolotse go dirisa oli.
Ke tla itse jang gore serori sa me se ka tsamaya ka peterolo e e senang lloto?
Lebelela pele bukana ya serori sa gago. Fa e kare morago ga seno, wa bo o sa ntse o sa itse gore a serori sa gago se ka dirisa peterolo e e senang lloto, o tshwanetse go kopa kgakololo go tswa mo morekising wa gago wa selegae. O ka ikgolaganya le ditsha tsa inthanete tsa NAAMSA (www.naamsa.co.za) le SAPIA (www.sapia.co.za). Ditokololo tsa mekgatlho ya dirori di ka leletsa megala ya dikgakololo tsa setegeniki.
Fa serori sa gago se ka kgona go tsamaya ka peterolo e e senang lloto, gona o ka simolola go e dirisa ka gangwe fela. Fa e tlhoka tshireletso ya dibelofo, gona o ka tlhoka go dirisa peterolo ya kemedi e e leng gore kwa tshimologong e tla bo e le gona ka bophara. Go seng jalo, o ka dirisa setlaleletsi se se fitlhelwang mo mabotlolong sa tshireletso kgatlhanong le tshenyego (go tla nna le ditlhagiswa di le mmalwa tse o ka tlhophang go tswa go tsona) mmogo le peterolo e e senang lloto. Le gale, fa Peterolo ya Kemedi ya lloto e ntse e le gona mo lefelong la gaeno, go botoka go tswelela go dirisa yona.
Dipoelo tse dingwe tsa go dirisa peterolo e e senang lloto ke dife?
Peterolo e e nang le lloto gape e baka gore go nne le dikarolwana tsa rusu tse di amang dipolaka tsa ditlhase le ditsamaiso tsa lekgwamosi. Ka jalo, poelo e nngwe e e itemogelwang ke beng ba dirori fa ba dirisa peterolo e e senang lloto ke phokotsego ya ditshenyegelo tsa tlhokomelo.
Ke dirori dife tse di tshwanetseng go dirisa Peterolo ya Kemedi ya Lloto, gona goreng?
Mo godimo ga go tiisa octane ya dituki, lloto e dira gape jaaka selogetsi mo dibelofong tsa lekgwamosi le disiti tsa dibelofo mo tlhogong ya selindara. Dienjene dingwe tsa bogologolo (tsa pele ga dingwaga tsa bo1980) di dirilwe ka disiti tsa dibelofo tse di boruma ka ntlha ya fa din e di sireleditswe ke lloto e e mo petorolong. Fa ditlaleletsi tsa mmetale di tlosiwa mo peterolong, disiti tsa dibelofo tse di boruma tsa metale di ka onala mme ga nna le phokotsego ya disiti tsa dibelofo e e ka bakang tatlhegelo ya kitlano le maatla. Seemo sa botlhokwa sa tiro ya siti ya belofo ke lebelo le le kwa godimo le/kgotsa morwalo o montsi o o bakang dithemphereitšhara tse di kwa godimo tsa dibelofo le tshenyego e e oketsegileng.
Dibanka tsa tshedimosetso ya gore dirori di tsamaelana le dituki tse di tla bong di aname, mme di akaretsa ditsha tsa inthanete tsa NAAMSA (www.naamsa.co.za) le SAPIA (www.sapia.co.za), di tla tlhalosa ka botlalo gore ke dirori dife tsa bogologolo tse di ka nnang le matshosetsi a VSR, tse di tshwanetseng go go dirisa Peterolo ya Kemedi ya Lloto. Ditlamo tsa dioli di tla bapatsa peterolo ya kemedi ya lloto ka dipompo tse di kwa pele, go seng jalo di ka tlamela ka setlaleletsi se se mo lebotlolong se se ka rekwang mme ga tlalelediwa ka sona ka selekano se se lekanyeditsweng mo tankeng ya serori fa go tladiwa peterolo e e senang lloto.
Ke tshwanetse go dirisa ditlaleletsi dife tse di mo dibotlolong?
Go na le ditlaleletsi di le mmalwa tse di thibelang go onala mo mmarakeng tse di ka sireletsangdibelofo tsa serori sa gago fela jaaka Peterolo ya Kemedi ya Lloto. Ditlaleletsi tse di nang le potasiamo, fosofore gongwe mankanese di tla tlamela ka tshireletso e e lekaneng fa di dirisiwa ka selekano se se maleba go ya ka dikatlenegiso tsa faboriki.
Ditlamorago tsa go dirisa peterolo ya kemedi ya lloto ke dife fa serori sa me se tsentswe sefetodi sa katalise?
Peterolo ya kemedi ya lloto ga e a tshwanela go dirisiwa mo diroring tse di nang le difetodi tsa katalise gonne dingwe tsa ditlaleletsi di ka ama thata katalise. Ka ntlha ya seno, peterolo ya kemedi e tla rekisiwa fela ka dipeipi tse dikgolwane tse di ka sekeng tsa kgona go tsena mo dipeiping tsa dirori tse di tlhokang peterolo e e senang lloto.
Go tla simolola leng go patelesega gore dirori di nne le difetodi tsa katalise?
Go tloga ka kgwedi ya Tlhakole 2005, mefuta yotlhe ya dirori tse di dirisang peterolo tse di pegang pabagami le dibene tse di itsisitsweng mo Aforika Borwa, di tshwanetse go fitlhelela seemo se se rileng se se laoletsweng sa go kgwa mosi mme ka jalo, di tshwanetse go bo di tsentswe sefetodi sa katalise. Ga gona tlhokego epe ya gore dirori tse di dirilweng pele ga matlha ano dib o di tsentswe difetodi tsa katalise. Dirori tse dintšhwa tse di fetang bokana ka 70% di setse di tsentswe difetodi tsa katalise.
Go bonolo tota go dirisa ditlaleletsi tse di thibelang go onala ga dibelofo. O entela fela gongwe go tshela selekano se se tlhokegang sa setlaleletsi mo tankeng ya petorolo pele ga go tlatsa ka peterolo e e senang lloto. Ditlaleletsi tseno di tlamela ka tshireletso ya dibelofo e e tshwanang le tshireletso e e neng e tlamelwa ke lloto e e neng e le mo peterolong e e nang le lloto.
Ke tla itse jang gore ditlaleletsi tse di thibelang go onala ga dibelofo di tla sireletsa enjene ya me?
Ditlaleletsi tse di thibelang go onala ga dibelofo di ka emela peterolo ya kemedi ya lloto sentle fela fa e le gore o tlhopha setlaleletsi go tswa kwa faboriking e e ikanyegang, e e diretsweng go sireletsa dibelofo mme o se dirisa fela jaaka go laetswe mo sephuthelong. Ela tlhoko gore go tlhokega tshireletso thata fa serori se tsamaya ka lebelo le le kwa godimo thata gongwe go ya ka seemo sa boima jwa morwalo, go tshwana le go kgweetsa paka e telele mo tselafefong mme go gogiwa kolotsana e e boima.
A go dirisa setlaleletsi se se thibelang go onala ga dibelofo se le sentsi go feta se se atlenegisitsweng go ka sireletsa enjene ya me go feta?
Nnyaa. Ga o a tshwanela go dirisa selekano se se fetang se se atlenegisitsweng sa setlaleletsi.
A go dirisa setlaleletsi se se thibelang go onala ga dibelofo mo godimo ga go dirisa Peterolo ya Kemedi ya Lloto go ka tlamela ka enjene ya me ka tshireletso e e botoka?
Nnyaa.. O tshwanetse go dirisa setlaleletsi se se thibelang go onala ga dibelofo kgotsa peterolo ya kemedi ya lloto. Ditlaleletsi dingwe ga di a siamela go kopanngwa le peterolo ya kemedi ya lloto. Gape go ka fitlhelwa ditlaleletsi dingwe di sa tsamaelane, mme ka jalo, go botoka go dirisa mofuta o le mongwe fela.
Fa serori sa me ga jaana se dirisa peterolo e e senang lloto, a go dirisa peterolo ya kemedi ya lloto kgotsa setlaleletsi se se thibelang go onala ga dibelofo go ka thusa ka tshireletso ya tlaleletso?
Nnyaa. Tswelela go dirisa kereiti e o e tlwaetseng ya peterolo e e senang lloto ka ntlha ya fa serori sag ago se sa tlhoke tshireletso e e tlamelwang ke peterolo ya kemedi ya lloto kgotsa setlaleletsi se se thibelang go onala ga belofo. Fa serori sa gago se na le sefetodi sa katalise, go dirisa peterolo ya kemedi ya lloto kgotsa setlaleletsi se se thibelang go onala ga belofo go ka senya katalise. O tshwanetse go dirisa fela peterolo e e senang lloto jaaka go atlenegisitswe mo teng ga bukana ya serori.
Seelo se sentšhwa sa sebabole se tla bo se le jang mo Diseleng?
Go tla nna le dikereiti tse pedi tsa disele fela jaaka go ntse ga jaana. Kereiti e e tlwaelegileng e e leng gona go ralala naga e e nang le sebabole sa selekano sa 500 ppm gammogo le disele e e nang le sebabole sa kereiti e e kwa tlase ya sebabole sa selekano sa 50 ppm.
A disele ya mofuta o montšhwa e tla ama ditshenyegelo tsa tlhokomelo le sebaka sa go fetola oli?
Difaboriki tsa dirori di tlhalositse gore go fokodiwa ga seelo sa sebabole go tla kgontsha dirori di le dintsi go atolosa sebaka sa go fetola oli, mme seno se tla fokotsa ditshenyegelo tsa tlhokomelo.
Goreng go fokodiwa sebabole mo teng ga disele?
Dikarolwana tse di nang le sebabole di itiragalela fela mo diseleng. Lebaka la go fokotsa sebabole go tswa go 3 000 ppm go ya go 500 ppm ke go fokotsa mosi wa dirori mme ka jalo, go tokafatsa boleng jwa mowa wa metsesetoropo. Le gale, fa serori se sa tlhokomelesege sentle, go sa ntse go tla nna le digase tse di kotsi le fa boleng jwa setuki bo tokafetse.
Dikarolwana dingwe tsa haeterokhabone (dikarolwana tsa polar le aromatiki) tse di fitlhelwang mo dituking tsa disele di logetsa dipompotsa dituki le dienti (injectors). Fa di tlosiwa mo thulaganyong ya go tlosa sebabole, bokgoni jwa go logetsa jwa setuki bo a fokotsega. Ka jalo, go tla tlalelediwa ka ditlaleletsi tsa togetso mo dikereiting tsa disele ya sebabole sa 500 le 50 ppm go netefatsa gore go nna go na le seelo se se totobaditsweng sa togetso.
Tlhotlhwa yona e fa kae, gona goreng e oketsega?
<fn>tsn_Article_National Language Services_DITHULAGANYO TSA KITSO YA TLHOLEGO (2004).txt</fn>
Tshobokanyo ya Pholisi ya Ditsela tsa Kitso ya Tlholego (IKS) ke letlhomeso le le kgontshang go phaphamisa le go maatlafatsa seabe sa kitso ya tlholego tlhabololong ya loago le ikonomi mo Aforika Borwa.
Dikamano le dithulaganyo tse dingwe tsa kitso, sekai kitso ya tlholego e dirisiwa le bayothekenoloji ya sešweng mo difamasing le makala mangwe go oketsa seelo sa boitlhamedi.
Mmuso wa Rephaboliki ya Aforika Borwa o gatelela boineelo jwa one mo kamogelong, tsweletso, tlhabololo, tshireletso le netefaletso ya IKS. Pholisi e kuno ya ditherisano tse di tseneletseng, tshupo ya borutegi, dingangisano le go nna le seabe ga beng ka go farologana. Go nna le seabe ga badirisi le batshodi ba Kitso ya Tlholego (KT) e nnile ntlha ya botlhokwa tota. E rotloediwa ke ditheo tsa lefatshe tsa ditshwanelo tsa botho, mme e tsenyeletsa boleng jwa SeAforika jaaka ubuntu le batho-pele. Boleng jo bo thusitse mo kgaratlhong kgatlhanong le kgethololo mme bo tshwanetse go tswelela go sireletsa tokologo ya dithulaganyo tsa kitso ya rona mo nyelelong le go fitlhega.
Dithulaganyo tsa kitso ya tlholego tse di simolotsweng le go tshegediwa ke batho ba ba tlholegileng mo Aforika Borwa baakanya matshelo le dithulaganyo tsa tumelo tsa karolo e kgolo ya setšhaba sa naga. Thulaganyo ya go nna jaana ya kitso ya tlholego e itshenola mo dikgaolong tse di simololang ka setso le meletlo ya bodumedi go ya go ditiro tsa temothuo le dithuso tsa boitekanelo. "Kitso ya Tlholego" (KT) e dirisiwa jaaka makaelagongwe kitso ya "setso" le "selegae" go farolognya kitso e e tlhotsweng ke le magareng ga merafe e e farologaneng go tswa go dithulaganyo tsa kitso ya "boditšhabatšhaba" e e tlhodilweng ke diyunibesithi, ditikwatikwe tsa patlisiso tsa mmuso le intaseteri ya poraefete, e nako nngwe e sa bidiweng sentle jaaka dithulaganyo tsa kitso ya "Bophirima".
Ka fa tlase ga tlhaolele, Dithulaganyo tsa Kitso ya Tlholego (DKT) mo Aforika Borwa, gammogo le badiri mo dithulaganyong tsa go nna jalo, di ne di kgaphetswe kwa thoko, di gateletswe le go sotliwa. Se se nnile le ditlamorago tse di sa itumediseng mo tlhabololong ya ikonomi le setšhaba sa Aforika Borwa, se tlhodileng tshokamiso ya loago, setso le tlhabololo ya ikonomi ya batho ba teng ba bantsi. Go ralala maemo otlhe a loago le ikonomi le katlaatlelo, le go kgabaganya ditlhopha tsa dingwaga tsotlhe, maemo a loago le bong ka bobedi, batho ba ba tlholegileng mo nageng e ba sotlegile thata. Tshotlego e ba lebaneng nayo e na le bokgoni jwa go oketsa le go atolosa go tlhoka tekatekano magareng ga ditlhopha tsa tlholego le tse dingwe tsa loago mo dingwagakgolong tse di tlang, ntle le fa go ka dirwa maiteko a magolo a go baakanya go tlhoka tekatekano go go tsweletseng gone jaanong, go go tebang le dithulaganyo tsa kitso ya tlholego ya ditlhopha tsa setso le kitso e e rileng ya tlholego gareng ga dintlha tse, jaaka mekgatlho ya dingaka tsa setso le kitso e e rileng, sekai jaaka kitso ya tlholego e e tshotsweng ke basadi mo setšhabeng.
Tshwaraganyo le go keteka diponagalo tsa dithulaganyo tsa kitso ya SeAforika mo Aforika Borwa ga se fela ntlha ya paakanyo. Go ka tlhola ditshekamelo tse ntšhwa tsa patlisiso le dimmapa tsa tlhaloganyo, gammogo le go oketsa tse di leng teng. Fa go bapisiwa kgatlhanong le kwelotlase mo dingwageng tsa kgatelelo, go na le letlotlo le le ka se ganediweng la IK le le phologileng mo mabakeng mangwe, le bile le oketsegile mo tshireletsegong ya setšhaba le merafe ya SeAforika. Bontsi jwa IK jo bo tsweletseng bo bopile le go aga Aforika e e kanayang mo mabakeng a a jaaka botsweretshi, mmino, bodumedi le thutobodimo, bobusi, tshiamiso, boitekanelo le temothuo. Go tshwana ga botho le setso, go akaretsa dithulaganyo tsa loago tsa tumelo, go nnile ga maatlafala le go nna matlhagatlhaga mo tsamaong ya ditiro tsa IK , le mo tikologong e e matshosetsi a bokoloniale le tlhaolele. Gangwe le gape basadi e ne ele bona basireletsi ba kitso e.
Phenyo ya demokerasi mo tlhaoleleng e re gwetlha go tlhama letlhomeso la bosetšhaba tebang le go tswelela ga tlhabololo ya dithulaganyo tsa kitso ya tlholego. Letlhomeso le le kgontshang le, le tla netefatsa gore batho ba kgona go fitlhelela bokgoni jwa bone ka botlalo mo setšhabeng, mme bo dira karolo e e botlhokwa ya go aga diphitlhelelo tsa tswelelopele ya maikemisetso le dikeletso tsotlhe tse dingwe tsa bosetšhaba.
Dikamano le dithulaganyo tse dingwe tsa kitso, sekai, kitso ya tlholego e dirisiwa le thekenoloji ya sešweng mo difamasing le dikarolo tse dingwe go oketsa lobelo lwa boitlhamedi.
Pholisi e e tsenyeletsa Mafapha a Mmuso a a farologaneng, a go ikgolagantsweng nao ka ga maikarabelo go kgontsha tlhagiso mo dipholising le manane mo mefameng e e farologaneng. Palo e e rileng ya mefama ya boitlhamelo (sekai, mo Lefapheng la Boitekanelo, kgotsa tebang le dipatlisiso ka ga IKS, ka NRF) di setse di diragaditswe. Botlhokwa jwa letlhomeso la pholisi le le akaretsang gotlhe bo lemogilwe, mme go tsewa dikgato tse di kgonagalang ka thuso ya komiti ya Mafapha ka bodulasetilo jwa Lefapha la Saense le Thekenoloji (DST).
Ka jalo, pholisi e, e tswelela ka ntlha ya gore dithulaganyo tsa kitso ya tlholego, ka ona mokgwa o di tlhokwa mokgwa wa "kitlano". Boitlhamedi jwa tshwaragano le boitlhamelo mo mefameng e mengwe di mo tlhabologong e e matlhagatlhaga, mme e tshwanetse go neelana ka setshwantsho se se tletseng sa tikologo ya IKS tsa Aforika Borwa.
Pholisi ya bosetšhaba ya puo jaanong e teng, mme jaanong go tlhamiwa peomolao. Tsweletso ya tetlokhopi ya mmino wa setso le le mefuta ya botsweretshi di sa ntse di emela tiro e e tswelelang. Molaotlhomo wa Badirisi ba Boitekanelo jwa Tlholego o tlhamilwe, mme o tshisinya gore go tlhamiwa ga mokgatlho wa taolo o o tla itsegeng jaaka khansele ya Badirisi ba Boitekanelo jwa Tlholego, e e tla tlhokomelang ditiro tse di ka nnang 200 000 tsa dingaka tsa setso tsa Aforika Borwa.
Sentle-sentle ga go kitla go kgonagala mo tirisong ya pholisi e go laolela badiri ba pholisi mo mefameng e e nang le diponagalo tse di tshwanang di le nosi. Le go ntse jalo, go tla nna botlhokwa go tlhama ditiro di le mmalwa tse ntšhwa go gatelela tiro ya IKS mo Aforika Borwa.
Ntlha e e botlhokwa e ya letlhomeso la pholisi le tlhoka go tlhomiwa ga ditheo mo Aforika Borwa tse di tla dumelelang, tsweletsang le ngangisano ya IKS, le go tlhola moono wa setšhaba go ralala badirisi ba ba farologaneng.
boemedi jo bo nang le mosola wa tshegetso, ka kgonagalo ya mokgwa wa boikanyego, go thusa setšhaba go bona, go sireletsa le go abelana dikatso tse di bonweng go tswa kitsong ya thoto ya setšhaba le ditshwanelo dingwe tse di kopanetsweng ke setšhaba godimo ga Kitso ya Tlholego. Mo mabakeng mangwe, merafe kgotsa ditlhotshwana di ka itlhophela go tlhoma terasete ya sone tebang le maikemisetso a, fa dikgatlhegelo tse di rileng kgotsa dipoelo di tshwanelwang ke se.
Ntlhakgolo ya pholisi e tla nna go tlhola thulaganyo e e tlhamaletseng ya go rekhota dithulaganyo tsa IK. E ka tswa Aforika Borwa a itlhophela go baya IK mo setšhabeng kgotsa a leka go bona mokgwa wa tshireletso o o bolokesegileng, thulaganyo ya go rekhota ke ya botlhokwa tota.
Go na le botlhokwa jwa kamogelo le tshireletso ya kitso ya tlhago le IKS mo Aforika Borwa ka ntlha ya mabaka a setso. Mabaka a mabedi a a bokowa a na le tshekamelo ya go kganela kamogelo ya go nna jalo. Lebaka la ntlha ke le le tlwaelegileng la histori ya dipolotiki tsa Aforika Borwa, mme le tlholwa ke kgatelelo ya ditshwanelo tsa botho go ikaegilwe ka bosemorafe le setso. Kitso e e bakilweng ke ditheo ka motsi wa paka eo le pele ga yone e sa ntse e le mo thulaganyong ya go fetolwa le go tlhagisa botlhale jwa botho jwa BoAforika. Lebaka la bobedi le tswa mo go itlhaganediseng bogotlhe, mme le ama dithulaganyo tsa kitso ya setso mo lefatsheng ka bophara.
Lefapha la Botsweretshi le Setso le tla tshwanela ke go tlamela ketapele ya botlhale jo bo lolameng tebang le mabaka a ka bobedi.
Aforika Borwa o ipela ka kgololosego le boipuso jo e bo boneng ka kgaratlho go tswa mo dingwageng tsa kgatelelo tse di neng di ikaegile ka tlhakolothoto ya metswedi ya didiriswa tsa batho ba ba tlholegileng mo nageng. Ke ka lebaka le gobo dithulaganyo tsa bosetšhaba tsa tokologo di dirilweng ka ponelopele e e itshetlegileng ka ditheo tsa botlhokwa tsa botlhokwa le mesola ya demokerasi. Gareng ga tse ke seriti sa botho, phitlhelelo ya tekatekano, tsweletso ya ditshwanelo tsa botho le kgololosego, le kgaratlhelo ya bosiamisi jwa loago, go se kgetholole ka bomorafe le bong. Megopolo ya ya bosimisi jwa loago le tekatekano mo mo gare ga Aforika Borwa ga se dintlha tse di mosola le dikakanyo fela; di patilwe ke ditlamego tsa go tsaya dikgato tsa paakanyo, ka kakaretso le ka tlhamalalo. Go botlhokwa go lepa le go kgontsha didiriswa tsa pholisi go kgontsha dikaelo tsa Molaotheo tebang le ditshwanelo tsa go nna jalo.
Karolo 185 ya Molaotheo e tlhoka go tlhomiwa ga Khomišene ya Tsweletso le Tshireletso ya Ditshwanelo tsa Setso, Bodumedi le Puo ya Setšhaba. Molawana o o o maleba o o neelang Khomišene dithata o saenetswe go nna molao ka 2002. Nngwe ya maikemisetsomagolo a Khomišene ke "go tsweletsa tlotlo ya ditshwanelo tsa setso, bodumedi le puo ya setšhaba." Gape Khomišene e na le dithata tsa go "tlhokomela, tlhotlhomisa, batlisisa, ruta, ngoka, eletsa le bega ka ga dintlha tse di amanang le ditshwanelo tsa setso, bodumedi le puo ya setšhaba." Sentlesentle mokgatlho o o tsweletsang kgotsa o o eletsang ka ga IKS o tla tshwanela ke go dirisana le Khomišene. Pholisi e e ikaeletse go tsweletsa maitlhomo a IKS mo gare ga ditshwanelo tsa ikonomi, loago le setso le kgololosego.
Go tsena gape ga Aforika Borwa mo seraleng sa lefatshe lotlhe, go na le dikgwetlho le ditšhono mo tsamaisong ya IKS. Go tlhatlogela ga Aforika Borwa mo thulaganyong ya ga jaana ya loago le dipolotiki mo sekaleng sa lefatshe lotlhe ga go kitla go tlhoka mathata ka ntlha ya gore moono wa bolefatshe lotlhe ka bo one ke lefelo le le gaisanelwang.
Go ya ka maemo a ikonomi, go tsena gape mo lefatsheng lotlhe go kaya go atologa le go go tsenelela ga kgwebisano ya boditšhabatšhaba, matlole le tshedimosetso mo mmarakeng o le mongwe, o o golaganeng lefatshe lotlhe. Ditlamorago tsa thulaganyo e ke nolofatso le phokotso ya maparego a a tlhomamisitsweng bosetšhaba, katoloso ya kelelo ya matlole le tlhatlogo ya phetisetso ya thekenoloji. Segatlha sa bolefatshe mo dinageng se na le ditlamorago tebang le boikemelo jwa tsone le bokgoni jwa go itlhamela dipholisi jwa tsone. Moono o o fekeetsang ke gore "ditopo go golola, go lekanyetsa taolo ya puso mo ikonoming le go e dira ya poraefete" go lebisa kwa go ngotlegeng ga go nna le seabe ga mmuso mo botshelong jwa bosetšhaba.
Dikaelo tsa setso di amana le kamano, mme gangwe le gape le tlhagiso ya dikakanyo tse di farologaneng le mesola go tlhagisa setso se se tshwanang sa lefatshe ka bophara "naga yotlhe." Dintlha tse di botlhokwa mo thulaganyong e ke dikamano tsa ikonomi, bobegakgang ka bontsi le dintlha dingwe tsa tshedimosetso ya thekenoloji ya sešweng tse sekai, di sekamelang kwa go itlhaganediseng ga tlhomo ya ditlwaelo tsa ditso tsa go nna jalo tse di tshwanang tse di tlhagisiwang ka go ja, kopelo, mmino, puo, mokwalo, j.j., tse di dirang go tshwana ga "naga yotlhe".
Pontshi ya bolefatshe jo bo tseneletseng ke pharologano ya go ngotlega ga dipuo go ralala lefatshe lotlhe. Go fopholediwa gore go ka tswa go na le dipuo tse di buiwang di ka nna 5000 go ya go 7000, tse bokana ka 100 di nyelelang ngwaga mongwe le mongwe. Bokana ka 2500 jwa dipuo tse di setseng jaanong di mo kotsing, diperesente di le 32 tsa tsona e le tsa seAforika. Bolefatshe e le jona bo tsewang bon a le seabe se segolo mo go nyeleleng ga tsone, mme bone bo sa fetoge..
Ditšhaba tse di mo kotsing go ralalala lefatshe di tsibogetse go nyelela ga gikagi tsa ditso tsa tsona ka mekgwa e e farologaneng. Nngwe ya ditsibogo tse e nnile kgolo ya boditšhabatšhaba ya motsamao wa IK o o nnileng le tlholtlheletso mo ditumalanong tsa dikamano tse dikgolo go tswa mo ditshwanelong tsa botho. Dikao tsa ditumalano1 tsa go nna jalo di akaretsa Kopano malebana le Ditshedi tse di farologaneng le Lenane la Tiro tse go dumalanweng ka tsona kwa a Kopanong ya Lefatshe ka ga Ntshetsopele ya Tlhabololo kwa Gauteng. Molebo o mongwe e nnile go netefatsa gore batho ba selegae ba lefatshe ban a le tshwanelo ya boitlhophelo jwa tswelelopele le go diragatsa tshwanelo eo, mme mo go diragatseng tshwanelo eo, ba tshwanetse go amogelwa jaaka beng ba setso seo sa bone le le thoto ya botlhalelo joo, sekai jaaka mo Mataatua Declaration ya 1993. Tsosoloso ya Aforika le NEPAD (mo tokomaneng ya yona ya tshimologo) ka bobedi di lemogile fa kitso ya tlholego e le sengwe sa botlhokwa mo lefatsheng.
Go tla gatelelwa tsweletso ya dikamano tsa boditšhabatšhaba mo IKS go tswa mo tshekamelong ya karogano ya ditlwaelo tse di botlhokwa le boineelo mo maikemisesto a a tshwanang le balekane ba dikgatlhegelo tsa bone di tshwanang le tsa rona.
Go ya ka Togamaano ya Melemo ya Tlhago ya Mokgatlho wa Boitekanelo wa Lefatshe (WHO), "Melemo ya Tlhago e dirisiwa ka bophara, mo thulaganyong e e golang ya boitekanelo ka botlhokwa jwa ikonomi". Mo Aforika, go ya go 80% ya setšhaba e dirisa melemo ya tlhago go fitlhela ditlhokego tsa bone tsa boitekanelo. Kwa Asia le Latin America, ditšhaba di tswelela go dirisamelemo a tlhalogego ka ntlha ya mabaka a histori le ditumelo tsa setso. Kwa China, melemo ya tlhago e dira bokana ka 40% ya ditirelo tsotlhe tsa tlhokomelo ya ditirelo tsa boitekanelo.
Mo dinageng tse di tlhabologang, tiriso e e anamemng ya melemo ya tlholego ke ka ntlha ya go fitlhelelwa le go bonwa bonolo ga yona. Kwa Uganda, sekai, kelo ya baalafi ka melemo ya tlholego mo setšhabeng e magareng ga 1:200 le 1:400. Se se kgatlhanong thata le go nna teng ga baalafi ba alophatiki, ba kelo ya bone ka tlwaelo e leng 1:20 000 kgotsa kwa tlase Go feta mo kanamo ya badiri ba go nna jalo e ka nna ya se lekalekane ka bontsi bo fitlhelwa ka ditiropokgolong le kwa dikgaolong dingwe tsa metsesetoropo, mme ka jalo go le thata go fitlhelelwa ke batho ba ba nnang kwa metseng ya selegae. Ka dinako dingwe melemo ya tlholego key one fela metswedi ya tlhokomelo ya boitekanelo e e fitlhelelwang bonolo- segolo setona ke bontsintsi jwa balwetse ba ba humanegileng mo lefatsheng.
Tiriso ya botlhokwa -netefaletso ya go nna maleba le go nna tlhwatlhwatlase.
Mo kamogelong ya mosola o o botlhokwa wa melemo ya tlholego mo Aforika Borwa, Lefapha la Boitekanelo le kwadile Molaotlhomo wa Boitekanelo. Molotlhomo o, o itapatepanya le maphata a a kailweng fa godimo, mme o tshisnya go tlhomiwa ga lekgotla la taolo.
Go botlhokwa jwa go tiisa tiro ya Dipatlisiso le Tlhabololo mo lephateng le, thatathata jaaka e amana le go rekhota le go tshegetsa dingaka tsa setso tebang le pabalesego le phitlhelelo, gareng ga tse dingwe.
Nako go ngangisanwa ka gore go tlhokega ga tlaleletso mo boitlhameding mo IKS go raya gore kitso e na e le kwa tlase, mme ga e ka ke ya tlhagisa kgolo ya ikonomi. Tlhaloso ya ya mokgwa o o tsepameng wa IK ke tlhokego ya mekgwa le dithotloetso tsa karogano fa gare ga IKS2. Mo lephateng la baamogedi ba lotseno lo lo kwa tlase mo temothuong, baitlhamedi "gab a kgathale," mo tlhokegong ya thotloetso le tshireletso ya setšhaba go dira gore kitso ya bone e itsege mo setšhabeng. Mo lephateng le le amogelang lotseno lo lo kwa godimo, ba na le "sephiri". Ka kakaretso, dinaga tsa Aforika go di ise di tsenye tirisong dipholisi tsa thotloetso tse di ka thusang go fitlhelela "boitlhamelo jo bo tswelelang le jo bo tlaleletsang" mo IKS. Mekgatlho ya setso e bonala le yona e sa baakanye se ka boyona. Ka jalo, ditlamorago tsa kgodiso ya IKS di nna di le kwa tlase, di tshegetsa mogopolo o o fosagetseng wa gore IK e nna e eme felo go le gong. Ka jalo go tlholwa ga mekgwa ya tlhotlholetso go tlhoka go nna maitshetlego a pholisi ya Aforika Borwa ya IKS.
Le gale, le fa go na le tlhaelo ya dithotloetso tse di rulaganeng, segolo thata tebang le melemo ya setso le temothuo ya setso, e e emelang tiro e e botlhokwa ya temothuo mo aforika Borwa, kitso ya tlholego e na le seabe se segolo mo tswelelong ya matshelo a bontsi jwa setšhaba sa Aforika Borwa. Nako nngwe go na le mogopolo o o ganediwang, o o reng temothuo ya setso ke thulaganyo e e itshokelwang ya ekholoji le tlhagiso ya dikuno tsa dithoro e e bontshitseng maitsetsepelo mo dipakeng tse ditelele. E oketsa tshireletso ya tlhagiso ka tlwaelo ya tikologo ya selegae. Tshireletso ya dijalo e netefadiwe ka tlhabololo ya thulaganyo e e matswakabele e e tsenyeletsang dintlha tse di tshwanang le mefutafuta ya dijalo, katoloso ya dijalo, didiriswa tsa dijenetiki tsa tlhago, go tlhagola go go lekanetseng, thefosano ya ikhutsiso ya masimo, gammogo le kgaogano ya dijo le badiri. Mekgwa e e ntseng jaana e na le go nna ditsibogelo tse di siameng tsa maemo a selegae mme ke ditlwaelo tse di maleba tsa matshosetsi.
Mo Aforika Borwa, Ditsweletso tsa Kitso ya Tlholego di "tshotswe" ke le go tlamela ditirelo go batho ba ba tlhokang le ba ba tlhokang ditiro. Ka jalo go botlhokwa go sekaseka mosola wa IKS go ka thusa mo go tlholeng ditiro. Lenane le le akanyeditsweng la thapo la IKS le ka thusa kgotsa la nna fa teng ga Lenane la Ditiro tsa Setšhaba le le tlhodilweng ke Mmuso. Seno e tla nna nngwe ya diporojeke tse dintsi tse di ikaeletseng go dirisa IKS go fedisa botlhoki.
Tsweletso ya IKSjaaka motlhami wa ditiro.
Dikamano le dithulaganyo tse dingwe tsa kitso di tlamela ditšhono tse di botlhokwa tsa dikuno le ditirelo tse ntšhwa tse di ka se nyadiweng. Kgwebisno ya boditšhabatšhaba ya ka didiriswa tsa dire go tsenyeletsa dintlha tse di botlhokwa tsa ikonomi gompieno. Thekiso ya diritibatsi tse di ikaegileng ka melemo ya setso fela e tsa maela go feta dibilione tse di US$ 32 ka ngwaga. Go fopholediwa gore ka go ikamanya le batho ba tlholego, batlhotlhomisi ba ka oketsa selekano sa tsweletso ya ditekelelo go tswa go sampole e le nngwe ya 10,000 go ya go di le pedi, le gore kitso ya "tlholego" e oketsa bokgoni jwa tshekatsheko ya dijalo tebang le dire tsa melemo go feta bokana ka diperesente3 di le 4000. Kwa ntle ga seabe sa kitso ya tlholego, dikuno tse dintsi tsa botlhokwa tsa melemo tse di dirisiwang thata gompieno, di kabo di se teng. Pele ga 1992, Kitso ya Tlholego le didiriswa din e di tsewa jaaka boswa jo bo tlwaelegileng jwa motho. Go ne go se na melao ya boditšhabatšhaba (le mo dinageng tse dintsi boditšhaba) e e laolang phitlhelelo ya didiriswa. Go tswa mo letlhakoreng la dikgaisano boditšhabatšhaba, mo lefatsheng le le dirang ka thata ka kitso, dithulaganyo tsa kitso tse di sa fitlhelelweng bonolo go tse dingwe di neelana ka bokgoni jwa kgaisano. Jaaka naga ga re ka e ra kgona go ikgatholosa IKS mo lebakeng le.
Mokgwa wa boitebo ka nosi mebuso ya thoto e baka mathata a a mmalwa, fa go e dirisiwa mo bathing ba selegae. Ba retelelwa ke go tlhokomela gore batho ba ba, ba leba tikologo ya bone ka bogotlhe, mme gab a arogaloganye didiriswa mo botshelo jwa bone bo ikaegileng mo ikonoming e e riling le dithoto tsa loago. Godimo ga moo, motho o tlhalosa jang boitlhamedi le go tswelwa mosola mo bathing ba selegae, go na le botlhokwa jwa go supa botlhokwa le se e seng setlwaedi Mo mabakeng mangwe, go na le ditlhotshwana mo ditšhabeng, tse di jaaka dingaka tsa setso le babetli ba ba gokaganyang le go tlhabolola IK magareng ga bone ka nosi, go na le magareng ga setšhaba ka bophara. Go ya pele bothata bo tlhakatlhana mo mabakeng a e leng gore kitso yone eo kgotsa kitso e e tshwanang nayo e dirisiwa ke ditšhaba tse di farologaneng go ralala lefatshe?
Mabaka a ka baakanngwa ka go dira mo letlhomesong la TRIPS ka tiriso ya mekgwa e e farologaneng ya ditshwanelo tsa thoto. Tsona di akaretsa dipontshi tsa loago, mogopolo wa ditshwanelo tsa setšhaba le mekgwa ya sui generis ya tshireletso go thusa mokgwa wag a jaana wa Thoto ya Kitso.
Mokgwa o o maleba o o amanang le thulaganyo ya ga jaana ya kitso ya Thoto ya mekgwa ya tlholego e botlhokwa go e kwala. Go kgona go thibela Kitso ya Tlholego e e setseng e le mo setšhabeng go tshwaiwa jaaka boitlhamelo bongwe jo bošwa mo nageng, go botlhokwa that a go neela ka bopaki jo bo kwadilweng jwa mekgwa ya go nna jalo. Ka mokgwa o, batho ba selegae ba ka gwetlha Kutso ya Botlhale e e neelwang bangwe ka ditiro tse e leng tsa bone ka tlholego. Laeborai ya Dijitale ya Kitso ya Tlholego (TKDL) (India) ya Ayurveda e ne ya tlhamiwa go thibela go neelwa ga ditshireletso tsa boitlhamelo jo bo sa amogelesegeng go TK ya India, go tlhatlhamolola dikgoreletsi tsa puo, gammogo le tsa sebopego, mme go tlhamiwe thulaganyo ya sešweng, dipatlisiso le didiriswa tsa pusetso tsa TK. Godimo ga mo, go tlholwa ga dikwadiso tsa Kitso ya Tlholego bosetšhaba, ka dikgaolo le boditšhabtašhaba go ka tshegetsa karoganyo ya poelo magareng ga intaseteri le setšhaba sa kgaolo, jaaka go simolotswe kwa India. Sešweng jaana mo Aforika Borwa, CSIR e fitlheletse tumalano ya botlhokwa le le setšhaba sa ma- San ka ga go arogana kgonagalo ya dipolelo tse di ka tswang mo seretibatsing se se gatelelang keletso ya dijo se se tla dirwang go tswa mo sejalong sa Hoodia . re tla dira letlhomeso le le laolang ditumalano tsa go nna jalo go fitlhelelwa ka tumalano go na le go tlogelela ntlha e tlholego le boikanyego.
Go netefatsa tshireletso ya ditshwanelo tsa kitso e, go tla tshwanela ke go dirwa thulaganyo ya go rekhota mo setšhaba, mekgatlho le beng ba IK ba ka rekhotang go nna beng ba kitso ya bone go thusa mo dikgatlhegelo tsa bone mo dipoelong tsa isago le mo molemong wa loago, go ikaegilwe ka IK.
Ditlhabololo tsa Letlhomeso la Aforika Borwa la Tetla go diragatsa IK.
Molao wa Dipatenete wa Aforika Borwa o tshwanetse go tlhabololwa go batla tshenolo ya tiriso ya IK kgotsa phetisetso ya didiriswa tse di tswang mo tirisong ya didiriswa tseo tebang le dipheitente le mediriso. Go retelelwa ke go dira tshenolo ya go nna jalo go ka tlhola tatlhegelo ke tshireletso ya pheitente. Go ya ka mogopolo wa DST, ditlhagisos tsa go nna jalo di ka dirwa go tswa kwa moargo ka sebaka se se amogelesegang. Godimo ga se, tiriso ya Ditumalano tsa Tshedimosetso le Phetisetso ya Materiale (ITAs and MTAs) tse di dumalanang le bonnyane jwa maemo di tshwanetse go batlega mo batlisising botlhe mo lephateng la IK go netefatsa mokgwa karogano ya dipoelo mo isagong fa go se na thulaganyo ya go rekhota.
Lefapha la Saene le Thekenoloji le tla rwala maikarabelo a IKS jaaka e amana le boitlhamedi le dikamano le dithulaganyo tse dingwe tsa kitso go akaretsa patlisiso, mme Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri le tla dirana le mabaka a a ka ga thoto ya kitso le tlhabololo ya IK SMME.
Kgolagano magareng ga IKS, Tsela ya Bosetšhaba ya Tlhamo (NSI) le Thulaganyo ya Thuto ya Bosetšhaba ke e e botsalano le e e kitlaneng. IKS e ka gola le go tswelela mo puisanong le tirisano le dithulaganyo tse dingwe tsa kitso. Ka tshwanelo, ga go epe ya dithulaganyo tse pedi e e ka atlegang le go tswelela ntle le fa di tlhametswe mo tshireletsong le tsweletso ya IKS.
Ditheo tsa Theomolao ya demokerasi, bosiamisi jwa loago le tekatekano, botlhokatlhaolele le bong, ditshwanelo tsa botho le seritisa botho di gatelela mesola e thulaganyo ya thuto ya bosetšhaba e teilweng mo go yona. Manifesto wa Bosetšhaba wa Mesola ya Thuto o gatelela mesola e e fa godimo ka go theya mesola ya maikarabelo, molao, tlotlo, setšhaba se se phuthologileng le poelano jaaka dipilara tse dingwe tse thulaganyo ya thuto ya bosetšhaba e theilweng mo godimo ga tsone.
Pampiritshweu ka ga Thuto le Katiso e tlhalosa botlhokwa jwa pholisi ya thuto ya bosetšhaba le katiso jaaka tse di botlhokwa "go kgontsha batho botlhe go bona mosola, go fitlheela, le go tswelela mo thutong le katiso ya botshelo jotlhe jwa boleng jo bo siameng." Ntlhakgolo ya thekenoloji e e tswelelang e e bokgoni e bonwa le e e batlang thulaganyo ya thuto e e tlhabolotsweng, e e matlhagatlhaga le e bokgoni. Mogopolo o, o ageletswe mo Pampiringtshweu ka ga Saense le Thekenoloji . Pampiritshweu ka ga Botsweretshi, Setso, le Boswa e bona thuto jaaka karolo ya setso, mme e amogela gore setso ka bosone se fetisediwa ka thuto.
Go na le tekatekano e e botlhokwa magareng ga mesola e e kailweng fa godimo le le eo e laolang dithulaganyo tsa kitso ya tlholegot, tse di dirwang ke batho, mafelo a thuto le mekgwa le dithekenoloji tse di tlholtheletsang kitso. Ka jalo go botlhokwa go netefatsa gore thualaganyo ya thuto ya bosetšhaba e dumalana le tlhokomelo ya IK. Mo tlhabololong ya Dipolelo tsa Kharikhulamo e Ntšhwa, go nnile le tshusumetso e e tiileng mo kamogelong le go netefatsa seabe se se botlhokwa sa IK, segolo tebang le thuto ya saense le thekenoloji.
Tebang le moono wa go akgola le go baa mo molaong netefatso ya gore IK ga ya tlhabololwa mo kitsong ya dithulaganyong tsa kitso ya Bophirima. Ke karolo e e botlhokwa ya paakanyo le poelano fa ditiragatso tse di jalo di amogelwa, di tlhaselwa e bile di fetolwa. Pholisi e e batla go simolola tlhatlhoso le kemonokeng ya ditshimololo go netefatsa tetla le kakgolo ya IK ka go tsenya tiro e mo ditirong tsa setheo tse di leng teng go netefatsa tetla le go akgola kitso, segolo the Letlhomeso la Bosetšhaba la Dikwalo.
IK e thata ka tlhago, e bile e fetola semelo sa yona go ya ka ditlhokego tsa batho. E bona matlhagatlhaga a yona mo go tseneleleng mo matshelong a batho. Phetolo ya mananethuto go tloga mo mokgweng wa go lebelela diteng go ya kwa go wa tharabololo ya mathata o tlisa kamogelo ya IK Se se tla tlhoka gore go batliwe le go dirisiwa mekgwa e e maleba mo tirisong ya kitso ya setso mo ditenyeng tsa dirutwa tse di farologaneng.
Letlhomeso la Bosetšhaba la Dikwalo (NQF) le amogela molao wa go ithuta botshelo jotlhe, e bile le lemoga gore ga se fela kwa dikolong, dikholejeng le ditheong kwa o ka ithutang wa bo wa bona le dikwalo. Tetla go tswa go NQF le ditheo tse dingwe tse le tsalanang le tsona e ka neelwa ka ditsela tse di farologaneneg tsa go ithuta, e tshwanetse go akaretsa netefato ya kitso e e bonweng le go dirisiwa kwa magaeng, kitso e gantsi e bonwang ka go bua. Se se tla tlhola gore go nne le pholisi go boloka le go tlhokomela khumo ya kitso (segolo mo dikarolong tsa ditshedi tse di farologaneng) ya metse e ka tlhago e bonwang jaaka magae e bile a humanegile.
Ponelopele ya saense le thekenoloji ya Aforika Borwa ke eo e kgontshang tlhabololo ya loago le ikonomi ka "kopanya ditogamaano tsa rona tsa S&T fa gare ga kgwetlho e kgolo go ya kwa phitlhelelong ya "Tsela ya Bosetšhaba ya Tlhamo" mme e tlhalosiwa mo Pampirintshweu ka ga Saense & Thekenoloji e e phasaladitsweng ka 1996. NSI e amogela gore boitlhamedi bo ka tswa mo bathong le mo mekgatlhong e e nang le boitlhamedi fa gare ga tikologo e e kgontshang e e rotloetsang boitshemololedi mo go rarabololeng mathata. Ka jalo ditheo, mekgatlho le dipholisi di patelesega go dirisana sentle go kgona go tlhagisa kitso e ntšhwa le go fetisetsa dithekenoloji. Ditlamorago tsa dithulaganyo tsa go nna jalo tsa boitlhamedi di akaretsa tokafatso ya boleng jwa botshelo, thotloetso ya kgaisano le tlhabololo ya didiriswa tsa setho.
Tlhago ya ditheo tsa IK e tshitshinya gore e tla nna mmu o nonneng wa go simolola, ke gore, ditheo tsa IK di ikaegile mo bothong, di mefutafuta, di dirisa thekenoloji ya selegae le dikamano tse dingwe tse di thata. Gona le dikai di se mmalwa tsa bogotlhe tse IK e nnileng le seabe mo go tsona, jaaka Japane, India, Singapore, Malyasia le Korea Borwa. Mo bontsing jwa dikai tsotlhe tse, IK e dirile jaaka setheo se se farologaneng sa kitso se se sa kopantshwang le kitso ya setlwaedi. In almost all these cases however, Go ka nna maleba fa IKS e ka kopangwa gotlhelele le Ditsela tsa Bosetšhaba tsa Tlhamo.
Tshimololo mo IKS ya Aforika Borwa ke tirego e e tswelelang go ya ka ditlhokego le maemo a a fetogang a setšhaba. Tiragatso ya kitso kgotsa neelano ya thekenoloji mo nakong e ya diphetogo e ka nna tshimololo ka boyona. Tsereganyo e e nonofileng ya puso e botlhokwa mo go bolokeng lebelo la diphetogo tsa IKS ya bosetšhaba. Tsamaiso ya go tsayakarolo ga setheo se se maleba sa poraefete mo go direng dikungo tsa ikonomi gotswa go IK e botlhokwa mo hisitoring ya Aforika Borwa ya dithulano tsa tirisobotlhaswa magareng ga merafe le mmuso wa Ttlhaolele.
Togamaano ya Bosetšhaba ya R &D e rebotswe ke Kabinete ka Seetebosigo 2002. Fa gare ga Togamaano e go na le botlhokwa jwa go tlhabolola lenane la dipatlisiso le tlhalositsweng sentle tebang le IK, go ikaegilwe ka dipatlisiso tse di tlhokegang le dipoelo. Gape go na le tlhokego ya go tlhama letlhomeso le le tlhamaletseng la tekanyetso le le tshwaelang mo thulaganyong ya thuto.
Tekanyetso ya patlisiso ya bosetšhaba le ditshenyegelo tsa tlhabololo bonnyane di ka nna kana ka 0,7% ya GDP, bonnyane halofo ya peeletso e e tswa mo sekgwameng sa setšhaba. Tlamelo ya dipatlisiso tsa IK ka matlole e tlhagisa tšhono e e tshwanang e le nosi tebang le dipatlisiso tsa kgabaganyetso, tirisano-bontsi le patlisiso ya tshwaragano go humisa thulaganyo ya bosetšhaba boitlhamelo. Go setse go na le manane a botlhokwa mo Dikhanseleng tsa Dipatlisiso tse di farologaneng, segolo thata kwa Khanseleng ya dipatlisiso ya Temothuo, Khansele ya Saense le Dipatlisiso tsa Intaseteri, Khansele ya Dipatlisiso tsa Disaense tsa Setho (HSRC) le Khansele ya Dipatlisiso tsa Melemo (MRC). Setheo sa Bosetšhaba sa Dipatlisiso le sona se setse se simolotse go tlhotlheletsa dipatlisiso mo thulaganyong ya thuto e kgolwane ka mokgwa wa thulaganyo ya lenane la R10 ka ngwaga le le tlhametsweng lebaka le.
Dikamano magareng ga mokgatlho wa poraefete le IKS di sa ntsane di ise di utololwe.
tlhamo ya dikamano le batho ba kwa magaeng e ikaegile ka dikumo tsa IK, sekai di-intaseteri tsa dikhemese le tsa mmino.
Baeteledipele ba setso ke bona batlhokomedi ba ditso tsa ditshaba, tse ba di neetsweng ka setso le ka semolao. Go nna teng ga Boeteledipele ba Setso mo tsweletsong ya IK go botlhokwa. Nnete ke gore ga gona IKS e e ka dirang fa batho ba kwa magaeng le baeteledipele ba bona ba sa akarediwa go tsaya karolo. Mo dinageng tse dintsi tsa Aforika, go lemogilwe morago ga go retelelwa gantsi, gore baeteledipele ba setso le babusi ba setso ba botlhokwa thata mo tiregong ya tsweletso.
Go tla tshwanelwa go simololwa mokgwa wa tumalano o o akaretsang Baeteledipele ba Setso le Ofisi ya Bosetšhaba mo IKS go netefatsa gore babatlisisi ba kgona go tsena kwa Magaeng ka maitseo ka dinako tsotlhe. Go ya ka IK go tshwanetse go nna le dipuisano le baeteledipele ba setso go bona tletla ya go ka tsena mo motseng.
Mo e e sa tswang go feta, go ntse go na le kgatlhegelo e kgolo go IKS le karolo e basadi ba e tsayang mo tsweletsong le tlhokomelong ya kitso Babatlisisi le badiri ba ba kwa tlase ba tswelela go lemoga ka go tshwana, gore mo ditšhabeng di le dintsi basadi ka tlhago ke batsamaisi ba didiriswa, le gore ba na le kitso e e botlhokwa ya tikologo. Dithuto di le dintsi tse di gorologaneng di bontshitse gore mo mabakeng a phetogo ya ka bonako jaaka mathata a tikologo, ditiragatso tse di fetogang tsa ikonomi, le botsereganyi jwa puso, basadi ba tsaya karolo e e botlhokwa ya go tsweletsa ditiro, setso le kgolagano ya setšhaba.
Kamogelo ya kitso ya basadi e tla tlhola tshwetso ya gore basadi ba tshwanetse go tsaya karolo ya botlhokwa jaaka batsaya-ditshwetso mo go simololeng tsela le lenane la dipatlisiso. Go tsaya karolo ga basadi go tloga kwa tshimologong le mo maemong otlhe go botlhokwa. Go tsaya karolo go akaretsa maikarabelo, botshepegi le tirisanommogo, e seng fela go senka thuso ya go diragatsa tshimololo ya kwa ntle sentle. Se se kaya go neya bomme thata, boikemelanosi le thata ya go tsaya-ditshwetso mo matshelong le mo mabakeng a bona.
Kabelo e e dirilweng ke bomme jaaka dipolokelo tsa karolo e kgolo ya IK di tla lemogiwa. Gape go botlhokwa gore go lemogiwe karolo e e tserweng ke bomme ya go diragatsa kumo ya dijo, tlhokomelo ya pholo, tshwaragano ya malapa le dikarolo dingwe tsa IKS mme go dirwe matsapa a go tiisa go tlhaloganya ga bona ga dikarolo tse.
IK ke karolo ya botlhokwa e mafapha mangwe a mmuso a e lebeletseng. Mangwe a Mafapha a ke: Temothuo; Botsweretshi le Setso; Saense le Thekenoloji; Thuto; Merero ya Tikologo le Bojanala; Boitekanelo; Kgebisano le Intaseteri; Diporofense le Pusoselegae; Merero ya Mafatshe; Merero ya Metsi le Dikgwa; le Merero ya Dinaga di Sele. Karolo ya DST e ntse e le go golaganya mafapha a a farologaneng go netefatsa gore go na le mokgwa wa tshwaragano mo mabakeng a a amanang le IKS. Se se dirilwe ka go simololwa ga komiti ya mafapha mo go IKS. Go tshitsintswe gore komiti e dirise DG wa DST go tlisa dipegelo go lekoko la ikonomi la FOSAD. Lenane la mafapha a Mmuso a a rebotsweng fa godimo ga le a felela; mafapha mangwe a tla tsenngwa mo komiting fa dikarolo tsa ona mo go IK di sena go tlhalosiwa.
Go simololwa ga Ofisi ya Bosetšhaba mo go IKS le tiro ya yona gareng ga DST (Karolo 4.2).
Go simololwa ga Khansele ya Maele ya Bosetšhaba mo go IKS, e e tla eletsang Tona Karolo 4.
Go simolowa ga Terasete ya Matlole ya Bosetšhaba ya IKS e e tla eletsang Tona mo mererong e e mabapi le Terasete ya IKS le matlole a yona. Karolo 4.
Kitsiso ya molao wa go boloka IK gareng ga molao wa mofuta wa ona wa botlhale wa thoto o o tla tsamaisiwang ke DTI (Karolo 4.5).
Go ka tswa go na le ditšhono mo gare ga the Letlhomeso la Bosetšhaba la Dikwalo (NQF) tsa go lemogwa ga batshodi ba IK. Ofisi ya Bosetšhaba mo go IKS gareng ga e tshwanetse go tlhokomela dintlha tsa IK tse di sa akarediwang gareng ga NQF. Matsapa otlhe a tshwanetse go dirwa go tlisa kagiso magareng ga tsela ya bosetšhaba ya go lemoga le tsela ya boditšhabatšhaba. Ditiro tse di tla dirwa mmogo ke DST LE DOE.
Go simololwe Ofisi ya Bosetšhaba ya IK mo go DST. Makala a a botlhokwa a tiro ya setheo seo a tshwanetse go tsenyeletsa temogo le tlhatloso ya IK le ditsela tsa kitso: Ofisi e e tla abelana ka bakwaledi ba Komiti ya Mafapha a a golaganeng.
Go simololwe Khansele ya Bosetšhaba ya Kgakololo mo go IKS ka taolelo ya go gakolola Mmuso mo mabakeng otlhe a a amanang le temogo, tlhatloso, tsweletso, tshireletso le netefatso ya IK le ditsela tsa kitso; ba ipega go Tona ya ACST mme ba tsamaiswa ke DST.
Go simololwa ga Terasete mo go DST jaaka tsela ya go tshegetsa ditiro tsa go tsweletsa IKS le tiriso ya IK ke batshodi ba IK.
CIPRO e neelwe maatla a go tsamaisa le go kwadisa ga kitso ya batshodi ba IK mmogo le go fetola molao wa jaanong kgotsa go simolola molao wa tshireletso ya IK sekao tsela ya tshireletso ya mofuta wa yona. Melao e e tla thusa molao o o leng teng o o laolang makwalotetla, matshwaokgwebo, moakanyetso, ditetlokhophi, ditshupo tsa thutafatshe, ditshiamelo tsa batsadisi ba dimela ka go abelana ka tshireletso e ntshwa go batshodi ba IK.
Go na le tlhokego ya go simolola Ofisi ya Bosetšhaba mo go IKS.
Go gakolola morafe/baagi ba selegae/motho yo o leng mo mabakeng a dikganetsano. Se se tla dirwa mmogo le baeteledipele ba setso la baamegi bangwe ba IKS.
Simolola katoloso ya IK le IKS e e tshotsweng ke batshodi ba tlhago, boitshupo ba yona le dibopego tsa thulaganyo ya loago go akaretswa le tiro ya basadi, le mabaka a a amanang le tlholego ya tsela e e rekotegang ya IK le IKS le rejisetara e e rileng ya bosetšhaba fa go kgonagala.
Batlisisa le go tlhaola ka go botsa baagi mefuta e e farologaneng ya go nna le sa gago mo go IK, ditsela tse di leng teng tsa go sireletsa IK le IKS go ya ka ditlwaelo tsa setso le melao ya baagi bao; le ditsela tsa moakanyetso tse di tlhokegang go lemoga le go sireletsa tsela nngwe le nngwe ya go nna le sa gago le melawana ya go arologana dipoelo le dikaelo.
Tiro ya Khansele ya Kgakololo e tla nna go dira jaaka setheo sa go gakolola le dikgatlhegelo tsa baemedi ba batsholaseabe ba ditheo, baagi, batshodi ba IKS le baitseanape. Batho ba ba tlhophilweng go nna mo Khanseleng e ba tshwanetse go nna baeteledipele mo makaleng a bona, ba ba batlang go neela mmuso dikgakololo ka mabaka a a botlhokwa a IKS. Khansele e tla nna le maikarabelo a go tsaya dipotso, dithuto le ditherisano ka tiro ya bosetšhaba ya IKS.
Neela kgakololo ya pholisi go Tona ya Botsweretsihi, Setso le Saense le Thekenoloji yo o tla tsamaisang tshedimosetso magareng ga balekane ba gagwe ba ba nang le kgatlhego mo go IKS.
Terasete ya Letlole la IKS le tshwanetse go simololwa jaaka tsela ya go gokelela matseno ka porotokolo ya go arogana dipoelo mo tirong tsa ikonomi tse di tswang go IK mo boemong jwa baagi ba tlholego ba Aforika Borwa mo go tlhokegang. Madi otlhe a a duetsweng mo Teraseteng ya Letlole la IK ke madi a terasete go ya ka bokao jwa karolo 13 (f) ya Molao wa Tsamaiso ya Ditšhelete wa botlhe. Maikaelelo a Terasete ke go buisana le go tsamaisa dikatso tse di bonweng go tswa go kitso ya tlhago e e tshotsweng ke baagi ba Aforika Borwa, fela fa baagi ba ba tlhoka tirelo e e jalo. Fa dipoele di kokotlegelela baagi ba ba rileng, baagi bao ba tla simolola Terasete ya bona ya selegae. Ba tla nna le maatla a go batla matlole go tshegetsa tsweletso ya matlole a IKS.
Go lebeletswe gore Terasete e tla nolofatsa dikamano le phitlhelelo ya manane a a leng teng a a tla atolosang ditlhamo tsa kwa tlase ka go abelana ka ditšhono tsa go lekelela, go godisa, go tsweletsa le go tlhama dithulaganyetso tse di maleba jaaka manane a GODISA, Tshumisana, NAMAC le DTI.
Ga go ne go tlhokagala madi mo go simololeng Terasete, fela fa go tlhokega tlaleletso ya badiri go laola le go tsamaisa Terasete, se se tla tsamaisiwa ke Lefapha la Saense la Thekenoloji.
Batshodi ba kitso ya tlhago le batsholaseabe ba tshwanetse go tlhama ka go ikemela, ditheo tse di tla tlhokomelang fela ditlhoko tsa batsholaseabe ba ba rileng (sekao Terasete ya SA ya IKS le Terasete ya go Arogana Dipoelo ya San Hoodia). Ditheo tse di ka dira dikopo tsa matlole kgotsa tshegetso kwa Diteraseteng kgotsa kwa Ofising ya Bosetšhaba.
Go tshwanetse, gareng ga tse dingwe, ga nna le ditsela tsa kgolagano le maikarabelo magareng ga Ofisi ya Bosetšhaba ya IKS, Khansele ya Kgakololo ya Bosetšhaba ya IK, Khansele ya Bosetšhaba ya Tlhamo le CIPRO (Pta). Go feta mmo go lebeletswe gore dithulaganyetso tse di tshitshintsweng di tla nna le kamano e ntle ya tirisano le mekgatlho e mengwe e e setseng e le teng.
Mekgatlho ya IKS e tla dirisana le mekgatlho ya bosetšhaba e e maleba, di NGO, ditheo, badiredi le baitseanape mo kamanong, kgwebisanong kgotsa tirisanong ka maikaelelo a go fitlhelela ditiro tsa yona tsa botlhokwa.
Le fa dikgato dingwe di tserwe ke ditheo tse kgolo tsa dipatlisiso jaaka Dikhansele tsa Saense go amogela dipatlisiso tsa IK, go na le tshwenyego mabapi le tlhokego e e bonagalang ya botlhokwa jwa IK mo dikgwebong tsa yona. Dipatlisiso tsa IK di dira ka mo tlase ga thata ya Motheo wa Bosetšhaba wa Dipatlisiso (NRF). Gape go tla dirwa tshekatsheko ya lenane la NRF mo bogautshwaneng.
Bokgoni jwa dipatlisiso tsa ditheo go tsweletsa go tlatswa ga mosola wa IK bo bogolo. Jaaka go diragetse ka CSIR le Terasete ya kabelano ya dipoelo ya San Hoodia Benefit Sharing Trust, dithulaganyetso tsa semolao tse di diragatsang maikaelelo a bosetšhaba le a setšhaba mmogo di ka fitlhelelwa.
Jaaka ditheo tsotlhe tsa thuto, IKS e tlhoka kabelo ya madi ya botlhe e e ineetseng. Gape e lemogile gore dikumo tsa setheo sa IK le maikaelelo a pholisi ya IK a tsamaisiwa ka didiriswa tsa kabo ya madi tse di maleba.
Dilo tse di botlhokwa tsa go tsamaisa IKS jaaka di tlhalositswe mo Kgaolo 1 di kaya gore go tshwanetse ga nna le kgolagano le tirisanommogo ya batsholaseabe le didiriswa mo setheong sa IK.
Mafelo a IKS.
Go solofetswe gore Mmuso le makala a yona a tla nna motswedi wa botlhokwa wa go abela ditiro tse di fa godimo tse madi, segolo mo tshimologong ya go tsweletsa le go thatafatsa setheo sa IK. Le fa go ntse jalo, metswedi mengwe ya go aba madi e tla nna botlhokwa, ya bosetšhaba le ya boditšhabatšhaba mmogo.
Aforika Borwa o batla go netefatsa gore dipoelo tsa boitlhamelo jo bo tswelelang tse di amangwang le di kokoanela batshodi le badirisi ba yone fa di tsweletse go tokafatsa tlhabololo ya loago le ikonomi.
Pholisis e ya IKS e thusiwa ke dipholisis tse dingwe, gareng ga tse dingwe, diphoisis tse di amanang le thoto ya matlhale, phetisetso ya thekenoloji, bayothekenloji, didiriswa tsa bayoloji le le tsa jenetikiki, pabalesego ya dijo, setso, boswa, thuto, jj. Ka katoloso, peomolao yotlhe ya IKS l e tla kaelwa gareng ga tse dingwe ke peomolao ka ga ditshwanelo tsa matlhale a thoto, bayothekenoloji, bayotaebesithi, didiriswa tsa jenetiki le bayoloji.
Makala otlhe a mafapha otlhe a one a a maleba.
Palo e e riling e e golaganeng le manane a peomolao a dira tebang le IKS mme a tla tsamaisiwa ke Mafapha a a mmalwa. DEAT e mo thulaganyong ya go diragatsa Molaotlhomo wa Bayotaebesithi. Molaotlhomo wa Bayotaebesithi o tlhokomela Bolaodi jwa Bosetšhaba jo bo tla nayang tumelelo ya phitlhelelo le kokoanyo le tiriso ya didiriswa tsa baeloji. Lefapha la tsa Kgwebisano le Intaseteri (DTI) (bona karolo 4.5) fa le tlhama molao le tla lebelela makala otlhe a tshireletso ya ditshwanelo tsa batshodi ba IK go akaretsa molao wa sui generis wa tshireletso mo go tlhokegang. Lefapha la Boitekanelo (DoH) le tlhamile Molaotlhomo wa Baitseanape ba Boitekanelo ba Setso le Molaotlhomo wa Taolo ya Ditlhare ka bobedi. Molaotlhomo wa Baitseanape ba Boitekanelo ba Setso o tlamela tshimololo ya Khansele ya Sebakanyana ya Rephaboliki ya Aforika Borwa ya Baitseanape ba Boitekanelo ba Setso, letlhomeso la go netefatsa tsamaiso e e siameng, polokego le tekatekanyo ya ditirelo tsa boitekanelo ba setso; go tlamela taolo ya boikwadiso, katiso le tiragatso ya Baitseanape ba Boitekanelo ba Setso. Go ya ka Molao wa Didiriswa tsa Boswa jwa Bosetšhaba Lefapha la Botsweretshi le Setso (DAC) le ka tsamaisa tsweletso ya IK jaaka karolo ya boswa jo bo sa tshwaregeng le jo bo tshwaregang mo Setso sa molomo se golagantsweng le boswa jo bo tshelang.
Aforika Borwa ke mosaeni wa TRIPS, mme polokego ya dintlha tsa IKS gareng ga bokao jwa matshwaokgwebo e a kgonagala mo letlhomesong le. Polokego ya IKS e a kgonagala mo molaong wa mofuta wa ona go ya ka ditshwanelo tsa batshodi ba kitso ya tlholego.
Lefa thuo ya kopanelo e ka bolokega gareng ga letlhomeso la TRIPS, polokego e e tswelelang yona ga e yo. Dintlha tsa go abelana maungo, le thuo e e tlhakanetsweng ya batsholaseabe le tsupetso ya naga ya tlholego kwa materiale e bonwang teng ga ya sekwasekwa ka botlalo. Polokego ya IKS e kgonagala ka fa tlase ga Tumalano ya TRIPS, mme go tlhokega tlaleletso ya polokego ya mofuta wa yona godimo ga Tumalano e.
Tshireletso ya matshwaokgwebo, diphiri tsa kgwebo, didiriswa tsa tlhago le baeloji, dintlha tsa setso le boswa di kgonagala mo tlase ga molao wa ditshupetso tsa thutafatshe. Dintlha tsa melelwane e e kgabaganyanang e ka fiwa tšhono ka go dirisa dikgolagano tsa maphata a le mabedi kgotsa a le mantsi go tsamaisa dintlha tse.
India a kgakotse polokelotshedimosetso ya Kitso ya Tlholego e lebeletse setlhare se se bitswang Ayurvedic ka Sanskrit, ka go baya kitso e mo karolong ya botlhe. Se ke maiteko a go thibela ditlamo tsa kwa ntle go bona makwalotetla a ditlhare tsa tlhago le dijo tsa setso tse di dirisiwang ke ditšhaba tsa India. Laeborari ya Dijitale e na le rekoto ya go fitlha ka 4,500 ya dimela tsa ditlhare, mo polokelotshedimosetsong e e tlhatlhobegang bonolo go kgontsha bao ba ikwadisetsang makwalotetla go tlhola gore 'ditlhamo' tsa bona ga di bone tetla 'pele ga botsweretshi'. Tsela e e fokotsa maungo a batshodi ba IK le fa polokelotshedimosetso e ka tlisa letseno ka boyona.
Go le gale, Khansele ya Ditlhotlhomiso tsa Saense le Intaseteri (CSIR) mo Aforika Borwa le Setšhaba sa SAN kwa Kalahari e weditse Tumalano ya Terasete (the San Hoodia Benefit Sharing Trust) go arologanya maungo a a solofetsweng go tswa mo tswelopeleng ya kgwebo ya lekwalotletla le le lateletseng patlisiso le tsweletso ya thekenoloji e ntšhwa e e amanang le semela sa setlhare. Mo lebakeng le, kitso e bonwa jaaka letlotlo la setšhaba se se maleba, mme e tsewe e isiwe kwa ditheong go tsweletswa pele.
Tsela ya polokelotshedimosetso e ka abelana ka tshegetso mo setšhabeng go dirisa IK mo tsweletsong ya intaseteri ya selegae ya dikhemese e e ikaeletseng go dira diritibatsi tse di tlhwatlhwa godimo. Le fa go ntse jalo, ga e fe setšhaba thata gonne kitso ya sona e le mo karolong ya botlhe. Kwa India go nna teng ga "lekwalo" la Sanskrit go IK le dira baagi ba polokelotshedimosetso eo go tlhamalala. Aforika Borwa, le fa go ntse jalo, ga e kgone go tsena mo mefuteng e ya ditsela.
Mokgatlho wa Lefatshe wa Setlhamiwa (WIPO) ke tsela ya bogotlhe ya poloko ya botlhale ba thoto. Maikaelelo magolo a WIPO ke go boloka le go tsweletsa botlhale ba thoto (IP), le go aga bokgoni jwa dinaga maloko gore di bone maungo a ikonomi gotswa botlhale thotong jwa tsona.
Mo Aforika, Ofisi ya Aforika ya Kgaolo ya Setlhamiwa (ARIPO) e tlhokomela mafelo a a fetotsweng ke Maesemane, Mozambique le Angola di ikgolagantse le ona, fa Mokgatlho wa Aforika wa Setlhamiwa (OAPI) yona e tlhokomela mafelo a a fetotsweng ke Mafora. Ditheo ka bobedi di boloka ditshwanelo tsa baagi e bile di ikaeletse go aga thata ya polokego ya IP mo dinaga malokong.
Poloko ya IKS le gore "thoto" go ya ka pono ya IK e tlholwa ke eng ga e ise e tlhotlheletse popego le tiro ya ditheo tse di fa godimo.
Go mo pepeneneng gore ditshupetso tsa pholisi ya sepolotiki le ikonomi tse di tlhokagalang go tsamaisa tiragatso ya polokego ya IP (e akaretsa polokego ya IK) ga di a tshwanela go tlosiwa mo go ARIPO le OAPI. Motlhala, kwa Yuropa, the Mokgatlho wa Yuropa (EU) o abelana ka tshupetso ya pholisi e e botlhokwa ya tiragatso ya Ofisi ya Thoto ya Yuropa (EPO).
Kwa bokhutlong, Aforika Borwa, mo kamanong ya yona le dinaga dingwe tsa Aforika, e tshwanetse go tlhomamisa kgonagalo ya go simolola ditheo tsa kontinente kgotsa tsa kgaolo tse di sa eng go lebelela fela polokego le ditshwanelo tsa Thulaganyo ya Setlhamiwa, fela di dire go feta mo ka go tsweletsa didiriswa tse dingwe tse di maleba tsa polokego ya IK.
IKS e bonwa jaaka sediriswa sa bosetšhaba sa botlhokwa, ka jalo e tshwanetse go tsenyelediwa mo Tseleng ya Tsweletso ya Didiriswa tsa Setho sa Boditšhaba (HRD), Tsela ya Tsweletso ya Bokgoni ya Bosetšhaba le Tsela ya Tsenyeletso ya Magae ya Bosetšhaba. Tsenyeletso e e tla kgontsha go baakanya go se lekalekaneng ga nako e e fetileng.
Mmuso o tla dira tsela ya go itsise batho le gore ba tlhaloganye mosola wa IKS.
IKS e na le kitso e e anameng e e ntseng e fitlhetswe thuto ya botlhe, tlhamo, intaseteri le kgwebo. Batshodi ba IK, jaaka batlhokomedi ba yona, ba na le bokgoni jo bo tona jwa go tlhama le go rekisa kitso ya tlholego.
Go ya ka Ditsela tsa HRD le melawana ya RDP, tsweletso ya didiriswa tsa setho tsa IKS e tla tswelediwa ka tsela ya go dirisa batho kwa maemong a selegae, porofense, le a bosetšhaba go dirisa le go agelela mo godimo ga dithulaganyetso tse di ntseng di le teng.
Motshodi wa IK - Tsela ya Tsweletso e e Magareng: Batshodi ba IK ba tshwanetse go tsaya karolo mo maemong otlhe a lenane segolo mo go tseyeng ditshwetso. Ba tshwanetse go nna ba ipaakantse ka go ithuta le go ikatisetsa dikarolo tse di tla tlhagelelang, go loga maano, go tsaya ditshwetso, tiragatso, tsweletso ya bokgoni, go tsibogela ditšhono tse dintšhwa tsa ditiro le go tsamaisa le go laola IKS. Thuto le katiso di tshwanetse go nnela teng ruri kwa ditheong tse di farologaneng le kwa mafelong a tiro.
Kgotsofatso ya ditlhoko tsa thuto: Pholisi ya IKS e lemoga botlhokwa jwa go naya baitseanape ba IKS maemo. Lefapha la Saense le Thekenoloji le tla tlhoka go simolola kgwebisano le Mafapha a Thuto le a Badiri go tlamela batshodi ba IK ka ditsela tsa go bona thuto le katiso tse di rileng. Paka yotlhe e ya kitso e tshwanetse go akaretswa ka tsela e e tsepameng go tsweletso ya Didiriswa tsa Setho mo Saenseng, Boenjeniri le Thekenoloji, Ikonomi le Disaense tsa Botsamaisi.
Tsweletso le kgolo ya Ikonomi ka tshimololo ya di SMME tse di lebisitsweng go IKS: Tshimololo ya di SMME, segolo kwa magaeng, tse di lebisitsweng mo tsweletsong ya dipatlisiso, tlhamo le thekiso ya IKS di tla tswelela go baya batshodi ba IK mo tsweletsong ya Didiriswa tsa Setho. Ka gonne bontsi jwa batshodi ba IK bo nna kwa magaeng, tsela e e tla nna le seabe mo kagong ya ikonomi ya kwa magaeng.
Mo Aforika Borwa tlhoko ya meriana le ditirelo tsa yona e kwa godingwana fa e bapisiwa le tlhoko ya ditirelo tsa boitekanelo tsa sekgoa, e bile e godisiwa ke kgolo ya baagi, lehuma le ditumelo.
Jaaka China le India, ditshegetso di le dintsi tsa dipatlisiso le tsweletso go tswa kwa pusong le mo kgwebong mo Aforika Borwa di ntse di lebisitswe mo ditlhotlhomisong tsa ponelopele ya botshelo le mo tirong ya ditlhare, ka tsweletso ya dikumo tse di setsweng morago ke dikhampani tse kgolo tsa dikhemese. Go na le matsapa a se makae a a lebisitsweng mo mebarakeng ya jaanong, dikumo tse di amanang le yona, dithulaganyetso le batsaakarolo mo mebarakeng. Go na le goselekalekaneng mo tshegetsong ya meriana, ka dipeeletso di le dintsi di lebisitswe mo go batleng thekiso ya dikhemikale tse di mosola mo gare ga dimela tsa ditlhare, fa go na le dipeeletso di le dinnye kgotsa go se na dipeeletso tse di lebisitsweng go tsweletsa kgotsa go oketsa dipoelo tse mmaraka wa jaanong o setseng o di abela setšhaba. Mmaraka wa meriana wa Aforika Borwa o ka phophoma jaaka wa China le wa India e dirile, go lebeletswe tlhokego e e anameng ya tiroso ya ona ke loago ka kakaretso. Go feta moo, go na le ditšhono tsa go ntsha dikumo tse di botoka mo go IKS le makala a yona a thekenoloji a a amanang le dijo le ditlhare jaaka ditiro mo merafeng ya Aforika.
Tlhokomelo e e maleba e tshwanetse go nna teng mo go tsenyelediweng ga batshodi ba IK, basadi le bašwa mo mananeong a a tsenyeletsang tsweletso ya dikgwebopotlana le dikgwebo. Mo tlaleletsong, lenaneo le tshwanetse go tsenyeletsa tsweletso ya kelelo ya babatlisisi ba ba nang le bokgoni jo bogolo le batsamasi ba IK ba ba tlhaloganyang dipatlisiso le tsweletso ya IK le tlhamo, tshutiso ya thekenoloji le go tloga mo ponong ya intaseteri, mmuso le akatemi. Dipopo tse di botlhokwa tse di farologanyang tsweletso ya Didiriswa tsa Setho tsa IK, ke maikaelelo a go abelana ka thuto le katiso ka botlalo; le maitemogelo a kgwebopotlana le dipatlisiso tse di lotaneng, tsweletso ya tlhamo le thekiso. Maitemogelo a a ka bonwa ka mmuso wa-setheo-sa intaseteri o o kgethegileng le maiteko a tirisanommogo a di NGO.
Tlhaolele e sentse le go se tsweletse IKS, eo e apesitsweng ke dimaka e bile e bonwa jaaka e se mo molaong ke Maaforika le bao eseng Maaforika ka go tshwana. Mathata a magolo a, a tlhoka ditsela tse di rulaganeng go a baakanya.
Tlhamo le phatlhalatso ya thekenoloji, didiriswa le kitso, segolo ka seelo se se nnye, e neelana ka bokgoni jo bogolo jwa go rarabolola mathata a tsweletso ya kwa magaeng le a kwa ditoropong mmogo, le phokotso ya lehuma. Kwa magaeng, thekenoloji e e maleba e ka thusa go oketsa go tlisa letseno le e seng la polase, dikgwebo tsa seelo se sennye le go thusa dikumo tsa temothuo. Le fa go ntse jalo, go na le matshosetsi mo dikarolong tse. Ditlhamo tsa thekenoloji tsa dikgwebo tsa seemo se se kwa tlase tsa kwa magaeng di ka nna le ditlamorago tse di maswe tsa kgotlhelego ya tikologo, ntsho e e bokete ya didiriswa tsa tlhago le bokao jo bo sa netefatswang jwa go se lekalekaneng kwa magaeng le phokotso ya lehuma.
Go tlhatlhoswa ga ditiro tsa tsweletso e e tswelelang, tiriso e e tswelelang le tsamaiso ya didiriswa tsa tlhago (metsi, lefatshe, maatla, lewatle, jj), go thibela matlhotlhapelo a tlhago le go fokotsa tshenyo, go sireletsa ditlhaketlhake tse di bokoa le diekhosesetimo tsa kwa mabopong, go lwantsha kgogolo ya mmu, go sireletsa baotaebesithi, jj, jaaka tsela e e maleba ya go tlisa phokotso ya lehuma le go thusa ditiro tsa kwa magaeng le kwa ditoropong; tlhatlhoso ya thuto ya saense le thekenoloji, dithekenoloji tsa botsalano tsa tikologo le tiriso ya kitso e e lebisitsweng mo go IK e e leng maleba le ditlhokwa tsa bahumanegi ba kwa magaeng le ba kwa ditoropong; tlhatlhoso ya dipatlisiso tse di dirisitsweng, tshutiso le phatlhalatso ya ditlhamo mo thekenolojing e e matshwanedi; tshimololo ya dipuisano tsa bogotlhe tse di tletseng kitso e bile di tsepame ka kgonego ya mosola le matshosetsi a a tliswang ke dikgato mo matlhakoreng mangwe a dikao tsa biothekenoloji ya saense le thekenoloji.
Tsweletso ya IKS ke tšhono e e sa tlwaelegang e e lemogang le go baakanya go selekalekaneng go go tlhodilweng ke dipholisi tse di fetileng tsa Aforika Borwa.
Tlhatlhoso ya kago ya bokgoni jwa dipatlisiso kwa diunibesithing. Se se tla agelela mo maitemogelong a a bonweng go tswa go Komiti ya Potefolio ya Dioditi tsa Thekenoloji ya Tlhago ya ACST a a dirilweng bogareng jwa dingwaga tsa bo 1990.
Tshegetso ya ditshimologo tsa thuto ya dikolo le ya bagodi e lebisitswe kwa tsamaisong ya kitso ya tlhago mo boithuting jwa ditsoditso.
Boswa le boikgantsho jwa setso ke matshwenyego a mebuso lefatshe ka bophara. Nako e e bogalaka ya Aforika Borwa e e fetileng le ditlamorago tse di senyegileng tsa setso tsa bogotlhe di dira gore go nne matshwanedi go tlhotlheletsa IK e e tokafetseng le temogo ya IKS mo setšhabeng sotlhe. Se se tla kgontsha baagi go tlhaloganya ka botlalo le go itumelela go utlwagala ga IKS mo matshelong a bona a ka metlha.
Aforika Borwa e tshwanetse go simolola ditsela tsa tsamaiso tse di maleba, tse di ka tsweletsang diporotokolo le melawana ya boitshwaro mo kwalong le tiriso ya didiriswa tsa IKS. IK e ka kwalwa, ya tsholwa mo metšhining mme ya bewa mo go tshwanetseng mo polokelotshedimosetsong ya Karologanyo ya Boditšhabatšhaba ya Makwalotetla (IPC), gore e kgone go batlisiswa, go buswa le go sireletswa bonolo.
Thutatsela le maemo a a dirisitsweng mo go tlhangweng ga dipolokelo-tshedimosetso tsa IK di tshwanetse gore di utlwane le ditsela dingwe tsa bosetšhabatšhaba gore go nne le kgonagalo ya tshupetso-kgabaganyo. Tlhamo ya dipolokelo-tshedimosetso tsa IK, kwa bokhutlong, e tla nna le maikaelelo a magolo mo go tlameleng le go tlhatlosa bokgoni jwa yona jwa tlhamo, go sa lebalwe ditsela tsa tshireletso tsa IK tse di tlhalosiwang mo go Karolo 6.2. Maemo a a tshwanang a tla kgontsha kopano ya ditshupo tsa IKS tse di phatlhaletseng ka tsela ya go busetsa morago. Se se tla dira jaaka borogo gareng ga ditsela tsa setso le tse dingwe.
Dilaeborari di tshameka karolo e e botlhokwa mo go IKS. Dilaeborari tsa setekeniki ke didiriswa tse di botlhokwa thata go babatlisisi le borathekenoloji, mme di tshwanetse go tlhokomelwa le go nna mo dinakong. Dilaeborari tsa diunibesithi di ka abelana ka ditirelo tse di botlhokwa tse di tlisang tlhatlosa ya kutlwisiso ya dilo tsa tlhago ka go tlamela le go tlhatlosa dipontsho tse di maleba, ditshupetso le maeto, ka go nna le tsela ya kamogelo ya ditso le go bona dilo tse di ke batho le ka batho ba kgale.
Go dirisa thekenoloji e ntshwa go tshegetsa tsweletso ya baagi batlhago.
Go tshwanetse ga dirwa maano a kabelano ya didiriswa ke dikgaolo le tshegetso ya dilaeborari tse di kgethegileng mo dirutweng tse di rileng, di lebisitswe mo ditheong tsa kgaiso tsa dirutwa tseo. Dilaeborari tsa kakaretso di ka tshameka karolo e e botlhokwa mo thutong ya kakaretso ya bagodi le mo kutlwisisong ya botlhe ya IK. Go botlhokwa go netefatsa gore badiragatsi ba ba maleba mo lebakeng le ba bona tshegetso go neelana ka thulaganyetso tse maikaelelo a tsona e leng go tsweletsa kitso le dikwalo tse di amanang le yona.
Gona le dimusiamo tse di fetang 400 tse di bonang madi a botlhe mo Aforika Borwa. Bomasepala ba diporofense ba tshegetsa bontsi jwa tsona. Le fa go ntse jalo, dingwe, segolo jang tse kgolo, di bona madi a bosetšhaba. Dimusiamo tsa Aforika Borwa di diragatsa dipatlisiso tse di sa tshwaneng le tse dingwe le ditirelo, segolo mo disaenseng tsa baeloji le tsa molao.
Go ya ka boditšhabatšhaba, dimusiamo ke batsaakarolo ba batlhokwa mo dipatlisisong tsa IKS. Mo Aforika Borwa, tiro ya dipatlisiso e tshwanetse go tlhalosiwa le go rotloetswa. Dimusiamo di ka tshameka karolo e e siameng e bile e bonala mo tsweletsong ya kitsiso ya botlhe ya IKS. Mo lebakeng le, kgonego ya go simolola musiamo wa IKS o o ikaegileng ka kitsiso ya botlhe e tshwanetse go tlhotlhomisiwa.
Mekgwa ya puo ya IK e e fetiswang go tswa losikeng go ya losikeng e mo tlase ga matshosetsi a go nyelediwa ka ntlha ya tsweletso ya sekgoa le thekenoloji. Go tshwanetse ga nna le ditsela tsa go busa le go boloka mekgwa ya IK go nna le seabe mo materialeng wa diakhaefe wa boditšhaba. Se se tla diragala ka go rerisana le Porojeke ya Hisitori ya Puo le Diakhaefe tsa Bosetšhaba.
Go ya ka DAC, mabaka a a amanang le mekgwa ya puo ya IKS a tla batlisiswa, a tsweletswe a bo a tlhatloswe jaaka karolo ya boswa jo bo sa tshwaregeng jwa Aforika Borwa.
Nngwe ya ditiro tse di botlhokwa tsa Lefapha la Saense le Thekenoloji e ntse e le go tlhatlosa boelamotlhaje le dikarolo tsa botlapele tsa Dipatlisiso le Tsweletso (R & D) mo makaleng a saense le a thekenoloji. Ka go lemoga karolo e e botlhokwa e e tshamekwang ke thekenoloji mo tsweletsong ya setšhaba, dilaboratori di tshwanetse go simololwa ka maikaelelo a a maphatamabedi, e leng maikaelelo magolo a go tsweletsa thekenoloji ya setso le netefatso ya go tsuntsunyetsa le go tlwaela thekenoloji e e tswang kwa ntle ka go bapisa, go golaganya, le go lomaganya kitso ya batshodi.
Dilaboratori tse di kgethegileng di tshwanetse go simololwa go tsweletsa IK, go tlaleletsa go tsenyeletsa dipatlisiso tsa IK mo ditheong tsa dipatlisiso tse di leng teng. Dilaboratori tsa tlhago di ka dira jaaka dintlha tsa go tsena mo patlong ya dikgetho tsa ditsela tsa katoloso mo tlhamong ya dithekenoloji le tsamaiso ya didiriswa tsa tlhago. Dilaboratori tsa IK di tshwanetse go tshegetsa ditiro tsa baagi tse di thusang go boloka le go sireletsa kitso ya selegae, go kgobokanya temogo le tuelo ya ditlhamo tsa baagi le dikabelo tsa bona tse di botlhale. Dilaboratori tse di tla abela mo ditirong tsa mmatota mo setšhabeng go tlhatlosa tsweletso e e tswelelang ya baagi, dipatlisiso ka baagi, le kago ya bokgoni go simolola ditlapele tsa ditlhogo tsa dipatlisiso le go tsamaisa ditiro tsa dipatlisiso.
Tsweletsa didiriswa tsa setho ka go katisa le go ithuta ka go tlhatlosa bokgoni jwa barutegi ba dipatlisiso, boratekeniki ba selegae, batsamaisi ba didiriswa le borapolase, bogolo baagi ba selegae, mo tshomarelong ya baotaebesithi, tsweletso ya baagi, botsamaisi jwa go arola le setso sa tsoseletso.
Go tshitshintswe gore tshimololo ya Mafelo a IKS mo ditheong tse di ntseng di le teng jaaka diunibesithi, mafelo a baagi jj. a tla dira jaaka ditsela tsa go tsamaisa le go kgontsha, mme ditirelo tsa ona, mananeo, le diporojeke di tshwanetse go tsenyeletsa go tsayakarolo go go anameng le tirisano mmogo ya maloko a baagi. Mafelo a Kitso ya Tlhago a tla lebisa ditiro tsa ona mo go somareleng le go diriseng kitso ya selegae ya baagi mo melelwaneng ya Aforika Borwa. Mafelo a IKS a a dirisanang le baagi a tla ineela mo go tsamaiseng tirisanommogo magareng ga ditheo tsa thuto tse di kwa godimo, di NGO le batshodi le baitseanape ba IKS ba ba dirang mo tsweletsong le mo tlhatlosong ya IKS.
Go thusa mo go direng dipholisi le go dira moakanyetso wa mananeo a thuso ya setekeniki a lebisitswe mo kitsong ya tlhago.
Pholisi e ya IKS e na le hisetori ka gonne e tlatsa botlhokwa jwa ditso tsa Aforika mo tebong ya bogotlhe. Dikabelo tsa yona di ikaeletse go tlatsa, go lemoga, go sireletsa, go tlhatlosa le go tsweletsa kitso ya tlhago e e tshotsweng ke baagi ba selegae ka maikaelelo a go godisa ikonomi le tsweletso ya loago. E tshegetswa ke bakganni ba ba botlhokwa jaaka baabedi ba kitso ya tlhago mo ikonoming le kgolagano ya IKS le ditsela dingwe tsa kitso.
Pholisi e e tsweleditswe mo bokaong jwa Tsela ya Bosetšhaba ya Tlhamo. E tshitshinya tshimololo ya ditheo tse di farologaneng go tlatsa, go lemoga, go tlhatlosa, go sireletsa, le go tsweletsa ditsela tsa kitso ya tlhago. Sekao, Ofisi ya Bosetšhaba ya IKS e tla tsamaisa tirisanommogo magareng ga batsholaseabe ba ba farologaneng le letlole la dipatlisiso le tiro ya tlhatloso go IKS. Terasete ya Bosetšhaba ya Tsweletso e tla nna le maikarabelo a go tshegetsa, go sireletsa, go tlhatlosa le go tsweletsa IKS, le go tlhaola diporojeke tse di maleba. Khansele ya Kgakololo e tla dira jaaka setheo sa ditherisano mme e tla tsweletsa kgolagano le ditheo tse difarologaneng, baagi le batshodi le baitseanape ba IKS.
Fa go lebeletswe tshimologo ya ditheo tse di fa godimo le tsela ya kgabaganyo ya IKS, pholisi e e totobatsa dikarolo tse di farologaneng tse mafapha a bosetshaba a a dirang le IKS a tla kgonang go di tshameka. Sekao, DTI (IPRs), DoH (dintlha tsa taolo mabapi le baitseanape ba pholo ya setso), DEAT (baotaebesithi, phitlhelelo, kabelano ya dipoelo), Thuto (tsenyeletso mo kharikhulamong), le DAC (dintlha tsa setso le boswa tse di amanang le IKS), le DST (tlhamo le tsenyeletso mo ditseleng dingwe tsa kitso), le mafapha mangwe a mmuso a a dirang mo makaleng a ditsela tsa kitso ya tlhago.
<fn>tsn_Article_National Language Services_DITIRELO TSA PUO MO DIATLENG TSA GAGO.txt</fn>
Re bo mang?
Karolo ya Botsamaisi ya Puo ya Tirelo ya Sepodisi ya Aforika Borwa (SAPS) e ne ya tlhamiwa ke botsamaisi go go tlamela ka tirelo ya porofešenale ya puo.
Re dira eng?
Phetolelo-Go fetolela ka nepagalo diteng tsa tokomane mo puong e nngwe. Re fetolela mo dipuong di le dintsi tsa Aforika Borwa ka fa gare le go tswa mo go tsona, e bile re ka rulaganya gore ditokomane di fetolelwe mo puong nngwe le nngwe e nngwe le go tswa mo go yona.
Go tseleganya-Go tokafatsa puo le setaele sa ditokomane mo puong nngwe le nngwe e e rileng. Re neelana ka tirelo ya go tseleganya ka dipuo tsotlhe tsa semmuso.
Go fefera-Go keleka dikhophi morago ga fa leyakgatiso le se na go rulaganngwa gape pele le gatisiwa.
Katiso-Go tlamela le go gokaganya dikhoso tse di malebana le Bokgoni jwa go Kwala jo bo mabapi le Kgwebo, Puo ya Diatla ya Aforika Borwa, le Dipuo tsa Aforika.
Boranoledi-Go fetisetsa ka molomo tshedimosetso e e reeditsweng go tswa mo puong e nngwe go ya go e nngwe. Re tlamela ka tirelo ya boranoledi go tswa mo puong e nngwe go ya go e nngwe, go akaretsa Puo ya Diatla ya Aforika Borwa.
TISSA-Tirelo ya ka bonako ya go boranoledi ka mogala e teng ka dipuo tsotlhe tsa semmuso.
Pholisi ya puo-Re dira pholisi e ntšhwa ya puo le thulaganyo ya tsenyotirisong malebana le SAPS.
Tsereganyo ya dingongorego tsa puo-O amogelesegile go ka ikgolaganya le rona fa o akanya gore ditshwanelo tsa gago tsa puo di a gatakiwa. Re ya go neelana ka kgakololo le go tsereganya magareng ga ditlhopha, fa go tlhokega.
Kokoanyotshedimosetso ya puo-Tshedimosetso ka ga dikhoso tsa puo, diathikele tsa bobegakgang ka ga merero ya puo, babebofatsi ba Po ya Diatla ya Aforika Borwa, batlamedi ba tirelo ya puo, le dikgolaganyo tsa puo di teng go wena.
Tirelo ya kgakololo ka ga puo-o ka nna wa re leletsa kgotsa wa re romela imeili ka ga ngongorego nngwe le nngwe kgotsa ka ga dipotso dingwe le dingwe tse di malebana le puo tse o ka tswang o na le tsona.
Tsebe ya web-setheo se se siameng sa tshedimosetso ka ga merero ya puo se teng mo interaneteng ya SAPS. A ga o na bonnete ka ga mokgwa wa tokomane e e rileng Bona letlhakore le le siameng go tswa mo tsebeng ya rona ya web?
Dithekenoloji tsa Puo ya Batho -Re thusa ka ditharabololo tsa thekenoloji go dikgwetlho tsa puo, jaaka go tlhama ditheo tsa thuso tsa dipuo di le dintsi le boranoledi ka mogala.
Goreng ditirelo tsa puo?
A o kile wa akanya fa batho ba gago ba tlhaloganya se o lekang go se tlhagisa, ka moo o batlang ka teng Badiri ba rona ba puo ba katisitswe sentle e bile ba na le bokgoni mo ntlheng ya go netefatsa fa tlhaeletsano ya gago le batho ba gago e ya go nna e e maatla gape e nonofile?
Re dira se jang?
Go rulaganya dikakanyo ka tatelano e e siameng; go tlhopha lefoko kgotsa lereo le le maleba le le yang go fetisa bokao jo bo tlhokegang kgotsa pharologano e e siameng; go nyalanya mafoko go tshwanela batho ba ba lebilweng; go tlhopha mokgwa o siameng wa tlhaeletsano; o o akaretsang go swetsa ka tiriso e e siameng ya ditemana, dikatemana le sekgala se sesweu; le go netefatsa fa tokomane e nepagetse mo dintlheng tsotlhe tsa thutapuo, sekao: malebana le mokgwa, paka, makopanyi, mopeleto le peo ya matshwao a puiso. A o gakgametse Badiri ba puo ba dira thata e seng fela go siamisa mopeleto wa gago le dipaka tsa gago- ka mafoko a mangwe, re solofela gore o be o sekasekile tokomane ya gago ka khomphiutara pele o re romela yona go tseleganngwa kgotsa go fetolelwa?
Ke ditokomane dife tse di tshwanetseng go romelwa go rona?
O amogelesegile go romela tokomane nngwe le nngwe ya semmuso ya SAPS go rona go fetolelwa kgotsa go tseleganngwa.
Gakologelwa gore Letlhomeso la Pholisi la Puo la Bosetšhaba la Puso le re pateletsa go tlhaeletsana le batho ka dipuo tsa bona tsa tlhopho (http://www.dac.gov.za). Ikgolaganye le rona fa o batla tshedimosetso e nngwe malebana le ka moo o ka dirang se.
Karolo ya boranoledi e na le ditlhokego tse di kgethegileng. Ga ntsi mo SAPS, mefuta e le mebedi ya boranoledi e ya go dirisiwa, e leng boranoledi jwa tatelano, mo tshedimosetso e neelwang mo puong e nngwe morago ga gore motho a bue, le boranoledi ka nako e le nngwe, mo tshedimosetso e neelwang mo puong e nngwe (kgotsa go feta puo e le nngwe e nngwe) fa motho a tsweletse a bua. Mo ntlheng e, re ka dirisa sedirisiwa sa boranoledi sa go seba, mo o tla reetsang moranoledi mo megaleng ya mo ditsebeng.
Mo dintlheng ka bobedi, dibui di tshwanetse go gakologelwa gore moranoledi o tshwanetse go reetsa se se buiwang, a bo a nanolela tshedimosetso kwa puong e nngwe. Ka jalo, go botlhokwa go bua sentle le ka bonya go neela moranoledi tšhono e e lekaneng ya go ranola. Mo ntlheng ya boranoledi ka tatelano, go botlhokwa go ema gangwe le gape, gore moranoledi a tlhaloganye se se builweng.
Gape gakologelwa go senolela moranoledi sebui le batho, le go gakologelwa go akaretsa moranoledi kgotsa baranoledi mo dithulaganyong tsa gago tsa dijo.
Dikopo tsa ditirelo tsa boranoledi di tshwanetse go re fitlhelela dibeke di le pedi pele ga tiragalo, gore re tle re rulaganye go nna teng ga moranoledi le go bona tirelo. Dikopo tse di thari di tla fitlhelelwa ka moo go kgonegang, fela di ka se netefadiwe.
O ka re fitlhela kwa kae?
O fitlhelela ditirelo tsa rona tsa phetolelo le tsa go tseleganya jang?
Fa o na le tokomane ka ileketeroniki, o ka re imeilela yona. Se, ke tsela e e nonofileng thata e e tshwanetseng go latelwa. Gongwe, o ka re fekesetsa khophi kgotsa wa e romela. Fa o romela khophi, mme o batla gore re dire ditshiamiso mo khomphiutareng, gakologelwa go tsenya disikete e e nang le tokomane ya ileketeroniki.
Ditokomane tsotlhe tse di romelwang kwa go rona di tshwanetse go patiwa ke tsebe ya fa ntle (LM 01) e e nang le dintlha tsa gago le dintlha tsa tirelo e o e batlang. Se, se ka bonwa mo dikantorong tsa rona kgotsa ka go dirisa websaete e: www.is.org.za.
Ditirelo tsa Puo tsa Porofense ya Gauteng ke yona fela yuniti ya puo ya porofenseng mo SAPS ga jaanong. Ditirelo tsa Puo tsa GP di ka thusa badiri mo porofense ka ditirelo tsa puo ka Seesimane le Seaforikanse e bile di tla romela dikopo tsotlhe tsa ditirelo tsa puo tse di ka se kgoneng go samagana le tsona kwa Botsamaising jwa Puo, kwa Kantorongkgolo.
Re tlotla tlhaeletsano le badirelwa ba rona le go tsaya go fitlhelela ditlhokwa tsa gago e le selo se se botlhokwa. Fa o akanya gore ga re a ka ra kgona go dira se, kgotsa o na le dikakanyo mabapi le ka moo re ka kgonang go tokafatsa tirelo ya rona ka teng , tsweetswee o se ke wa okaoka go re bolelela ka ga sona. Rotlhe re ka kgona go dira malebana le go netefatsa fa tirelo ya puo e e maatla e bile e nonofile e le mo diatleng tsa gago.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Dintlha Tse Tlhano Tsa Botlhokwa.txt</fn>
Tlhapa mabogo pele o ka tshwara dijo, mme gantsi pele di baakangwa.
Tlhapa diatla fa o tswa kwa ntlwaneng ya boithusetso.
Tlhatswa le go phepafatsa mafelo otlhe le didiriswa tse di dirisetswang go baakanyetsa dijo.
Sireletsa mafelo a boapelo le dijo kgatlhanong le ditshenekegi, ditshedi tse di kgotlhelang le diphologolo tse dingwe.
Le fa ditshenekegi tse dintsinyana di sa bake malwetse, ditshenekegi tse di kotsi di fitlhelwa ka bontsi mo mmung, mo metsing, mo diphologolong le mo bathong. Ditshenekegi tse di fitlhelwa mo mabogong, masela a go iphimola le didiriswa, segolo thata diboroto tse go kgabetlelelwang mo go tsona, mme kamano e nnye fela e ka di fetisetsa kwa dijong, mme tsa baka malwetse a a fitlhelwang mo dijong.
Kgaoganya nama e tala, nama ya koko le dijo tsa lewatle go tswa mo dijong tse dingwe.
Tshola dijo mo metemeng go tila kamano magareng ga dijo tse tala le tse di baakantsweng.
Dijo tse tala, segolo thata nama, nama ya koko le dijo tsa lewatle, le matute a tsona, di ka nna le ditshenekegi tse di kotsi tse di ka di fetisetsang kwa dijong tse dingwe ka nako ya fa di baakanngwa le fa di bewa.
Apaya dijo sentle, segolo thata nama, nama ya koko, mae le dijo tsa lewatle.
ºC. Tebang le nama le nama ya koko, netefatsa gore matute a bonala sentle, ga a pinki.
Futhumatsa dijo tse di apeilweng sentle.
Go apaya ka tshwanelo go bolaya ditshenekegi tsotlhe tse di kotsi. Dipatlisiso di supile gore go fitlhelela thempereitšhara ya 70ºC go ka thusa go netefatsa gore di siametse go ka jewa. Dijo tse di batlang tlhokomelo e e kgethegileng di akareetsa nama e e siitsweng, mmeswa o o pitokolositsweng, mangenana a magolo a nama le koko yotlhe e e feletseng.
Se tshole dijo tse di apeilweng mo thempereitšhareng ya kamore go feta diura tse 2.
O se ka wa tshola dijo sebaka se se leele, tota le fa e le mo setsidifatsing.
O se ka wa ntsha serame mo dijong tse di tsidifaditsweng mo thempereitšhareng ya kamore.
Ditshenekegi di kgona go ntsifala (go ikatisa) ka bonako fa dijo di beilwe mo thempereitšhareng ya kamore. Ka go tshegetsa dithempereitšhara di le kwa tlase ga 5ºC kgotsa kwa godimo ga 60ºC, go gola ga ditshenekegi go a fokotsega kgotsa go a khutla. Ditshenekegi tse dingwe tse di kotsi di ntse di gola ka fa tlase ga 5ºC.
Tlhopha dijo tse di foreše le tse di itekanetseng.
Dilo tse tala, go akaretsa metsi le aese, di ka tswa di kgotletswe ke ditshenekegi le dikhemikhale tse di kotsi. Dikhemikhale tse di nang le botlhole di ka tlhamega mo dijong tse di senyegileng le tse di utileng. Kelotlhoko mo tlhophong ya dijo tse tala le dikgato tse di bonolo jaaka go di tlhatswa le go di ebola go ka fokotsa kotsi.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Dintlha tsa kgolagano.txt</fn>
Sebopego se se botlhokwa sa PHOLISI nngwe le nngwe ya THUSO YA PHITLHO / PHOLISI E KGOLO ke gore pholisi e tshwanetse go SAENIWA ke setlamo sa inšorense sa paka e telele se se kwadisitsweng. Se, ke go netefatsa fa leloko le netefalediwa ka topotuelo e e mo molaong ka motsi wa tiragalo e e inšorilweng (loso).
MONG-PHOLISI / LELOKO le tshwanetse go neelwa SETIFIKETI SA BOTOKOLOLO. Setifikeiti se, se tshwanetse go tlhagisa ka botlalo leina la setlamo sa inšorense (moinšori), karolotuelo e e tshwanetseng go duelwa, dithuso tse di tshwanetseng go duelwa, dithulaganyo tsa topotuelo le tshedimosetso e nngwe e e botlhokwa ka ga pholisi e kgolo. Pholisi e kgolo e tshwanetse go tlhagisa ka botlalo fa setlamo sa ditirelo tsa phitlho kgotsa baemedi ba lona ba sa thapiwa ke setlamo sa inšorense kgotsa moinšori le gore ga se basaeni ba pholisi.
Go botlhokwa gore beng-pholisi ba itse fa ba na le tlhopho ya go ka tsaya dithuso tsa pholisi ka mokgwa thuso ya tirelo ya phitlho kgotsa ka mokgwa wa tuelo ya madi a mo seatleng.
Setifikeiti se tshwanetse go tlhagisetsa Mong-pholisi / Leloko tshedimosetso yotlhe e e tlhokegang go e itse jaaka gore thuso e simolola leng, ke eng se se akareditsweng le gore TSE DI SA AKAREDIWANG ke dife, dipaka tsa tetelo jj.
Ke tokomane ya semolao e e rebolwang ke setlamo sa inšorense / moinšori e e tlhagisang dintlha tsa dithuso, dikelo, dikaelo le maemo e bile e na le nomoro ya pholisi, e e tshwanetseng go tlhagelela mo setifikeiting sa gago sa botokololo.
Mokgatlho wa Botsalano ke setheo sa madi se se tlhamiwang ke setlhopha sa batho ba ba nang le ditlhokwa tse di rileng, ba ba abang madi le go boloka mmogo go thusana ka madi malebana le ditlhokwa tse di rileng sekao: phitlho. Thuso ya makisimamo ke R5 000.
Mokgatlho wa Botsalano ga se kgwebo e e dirang poelo, fela poelo nngwe le nngwe e e diriwang go tswa mo dikabong tsa peeletso tsa maloko e kgaoganngwa ke maloko otlhe.
O tshwanetse go gatelela go amogela setifikeiti se go tlhomamisa fa o le leloko. Setifikeiti se, se tshwanetse go go kaela dintlha tsotlhe tsa pholisi ya gago.
Se, se kaya setlamo se se letleletsweng ke setlamo sa inšorense / moinšori go dira mo boemong jwa sona go go rekisetsa pholisi.
Ke setlamo sa inšorense sa paka e telele se se kwadisitseng le Boto ya Ditirelo tsa Madi se se amogelang dikarolotuelo tsa gago e bile sena le maikarabelo a go duela dithuso ka motsi wa loso.
Se, se kaya wena jaaka leloko le le duelang dikarolotuelo malebana le dithuso tsa batho ba ba tlhophilweng ke wena mo pholising.
Ke madi a o a duelang kwa setlamong sa inšorense go ya ka Pholisi e Kgolo.
Ke motho yo o ikemetseng yo wena jaaka leloko o ka ikgolaganyang le ena fa o sa itumelele karabo ya setlamo sa inšorense. Dintlha tsa gagwe tsa kgolagano di tlhagelela mo kitsisong ya molao le mo tsebeng e e kwa morago ya bukana e.
Setlamo sa inšorense / moinšori se tlile go tlhagisa lenane la maemo kgotsa malwetse mo pholising a fa a ka tlholang loso lwa motho yo o akareditsweng, go ka se nneng le thuso e e tlileng go duelwa.
P: Ke setlamo sefe sa inšorense se o se emelang?
K: Sesupo se tshwanetse go rebolwa ke motho yo o rekisang pholisi e bile se tshwanetse go tlhagelela mo foromong ya kopo le mo setifikeiting sa botokololo se se rebolwang.
P: Nomoro ya Pholisi ke eng?
K: E tshwanetse go tlhagelela mo foromong ya kopo le mo setifikeiting sa botokololo.
P: Ke bomang ba nka ba akaretsang mo pholising?
K: Ba ke batho ba gago ba o ba tlhophileng.
P: Ke duela bokae?
K: A, ke madi a o tlileng go a duela gape a akaretsa ditšhatšhe tsotlhe le dituelo. ditšhatšhe tse di tshwanetse go tlhagelela sentle.
P: A ke duela kgwedi le kgwedi, ka kotara kgotsa ngwaga le ngwaga?
K: O tshwanetse go tlhotlhomisa gore o duelang leng.
P: A ke duela kwa pele kgotsa ka bokhutlo jwa paka e tiro e dirilweng ka yona?
K : O tshwanetse go tlhotlhomisa fa o tshwanetse go duela kwa tshimologong ya kgwedi (kwa pele) kgotsa ka bokhutlo jwa kgwedi kgotsa ka bokhutlo jwa paka e tiro e dirilweng ka yona.
P: Ke tshwanetse go duela jang?
K: Ka madi a mo seatleng, ka debiti otara kgotsa ka setopo otara.
P: Fa ke duela ka madi a mo seatleng a ke amogela setlankana?
K: Ee, e tshwanetse e nne setlankana sa semmuso.
P: A dikarolotuelo tse di ka oketsega mo nakong e e tlang?
K: Dikarolotuelo di ka oketsega fa go na le ditopotuelo di le dintsi mo pholising.
P: Dikarolotuelo di netefalediwa sebaka se se kana kang?
K: Se, se tshwanetse go tlhagelela mo Pholising e Kgolo.
P: Thuso ya me e simolola leng?
K: Go ka nna le dipaka tsa tetelo mo Pholising e Kgolo.
P: Dipaka tsa tetelo ke eng?
K: Tsona di tlile go tlhagelela mo dikaelong le mo maemong a Pholisi e Kgolo.
P: Go diragala eng fa loso e le lwa kotsi?
K: Ka gale dipaka tsa tetelo ga di dire.
P: A go na le tse di sa akarediwang?
K: Tsona di tlile go tlhagelela mo dikaelong le mo maemong a Pholisi e Kgolo.
P: Go diragala eng fa ke fosa tuelo kgotsa ke emisa go duela?
K: Ga o kitla o akarediwa mme fa o simolola go duela gape, dipaka tsa tetelo le tse di sa akarediwang di ka tsenngwa mo tirisong gape.
P: Thuso e khutla leng malebana le motho mongwe le mongwe?
K: O tshwanetse go neelwa dintlha ka botlalo, segolobogolo malebana le bana ba gago.
P: A ke bona sesupo sa botokololo?
K: O tshwanetse go amogela Setifikeiti sa Botokololo le tshosobanyo ka botlalo ka ga yo o akareditsweng, madi a a tshwanetse go duela, dipaka tsotlhe tsa tetelo le tse di sa akarediwang.
P: A nka oketsa thuso ya me moragonyana?
K: Ee, o ka oketsa dithuso mo pholising ya gago fa Pholisi e Kgolo e letla, ka nako nngwe le nngwe, se, se tlile gape go oketsa dikarolotuelo tsa gago. Tse di sa akarelediwang le dipaka tsa tetelo di ka dira mo thusong e e okeditsweng.
P: Ke lopa tuelo jang malebana le loso?
K: Mokgwa wa ditopotuelo o tshwanetse go neelwa wena ka botlalo mo dikaelong le mo maemong.
P: A nka bona Pholisi e Kgolo?
K: O na le tshwanelo ya go bona Pholisi e Kgolo. Se, ka gale se diriwa fa o sa itumelele dikarabo tse o di neetsweng kgotsa o na le pelaelo mabapi le motho yo o go rekisetsang pholisi. Pholisi e Kgolo e tshwanetse go nna teng kwa kantorong ya lona e e fa gaufi ya ditirelo tsa badirisi.
P: A nka phimola pholisi ya me?
K: O ka phimola pholisi ya gago mo malatsing a le 30 morago ga go duela karolotuelo ya ntlha e bile o amogele pusetso e e feleletseng fa e le gore ga o ise o lope tuelo e e malebana le loso. Morago ga foo, pholisi e ka phimolwa nako nngwe le nngwe, fela ga go na dikarolotuelo dipe tse di tlileng go busiwa.
P: Go diragala eng fa pholisi yotlhe e sutisediwa kwa setlamong se sengwe sa inšorense / kwa moinšoring?
K: Se, se ka diriwa, fela o tshwanetse go itsisewe le go sedimosediwa ka moo e amang batho ba ba neng ba akareleditswe pele, malebana le tsotlhe tse di fa godimo. Setlamo sa inšorense se se ntšhwa / Moinšori o tshwanetse go go rebolela setifikeiti se se ntšhwa sa botokololo.
Setlamo sa inšorense / Moinšori wa ga jaanong ka bonako.
P: Go diragala eng fa ke na le ngongorego kgotsa potso?
K: Wena kgotsa baamogeladitshiamelo ba gago lo tshwanetse pele go lebisa potso ya lona kwa Setlamong sa inšorense / kwa Moinšoring. Fa o sa kgotsofala, o ka bega ngongorego kwa go Motlhotlhomisi (Ombudsman) wa Inšorense ya Paka e Telele kgotsa kwa Botong ya Ditirelo tsa Madi.
GAKOLOGELWA Dintlha tsa Motlhotlhomisi (Ombudsman) le F S B di tshwanetse go tlhagelela mo Setifikeiting sa Botokololo gape di tlhagelela kwa morago ga bukana e ya tshedimosetso.
<fn>tsn_Article_National Language Services_FEDISA botsietsi.txt</fn>
Lefapha le tlhomile mogala o o sa duelelweng wa diura di le 24 go bega ka ga botsietsi kgotsa mokgwa o o sa dumelelwang.
Le fa o ka nagana go tlisa leina la gago, tshedimosetso le boikitsiso jwa gago e tla nna khupamarama. Mogala o tla dira diura di le 24 ka letsatsi, matsatsi a le 365 ka ngwaga. Megala e letswa ntle le tuelo mme e ka letswa kwa difounung tsa poraefete kgotsa tsa botlhe o sa duele sepe.
Mogala o o tlhomilwe go ka oketsa mokgwa wa tiro o o boikanyego le go neela badiri ditsela tsa go tlhagisa sengwe le sengwe se se sa dumelelwang kwa bolaoding jo bogolo.
Se ke tšhono ya gago go thusa mo go thibeleng botsietsi, bobodu, bosenyi le mokgwa o o sa dumelelwang, jaaka go bogisa ka thobalano, mo Lefapheng.
O ka letsa o sa tlhagise leina la gago fela o netefatse gore o neelana ka tshedimosetso le dintlha tsotlhe (mang, eng, kae, leng, jang le boleng jo bo amegang) go motho yo o arabang mogala.
O tla newa nomoro ya tshupetso.
<fn>tsn_Article_National Language Services_FOROMO YA GO TLHOPHA BASADI BA BA DIRANG KA METSI (2006).txt</fn>
Morago ga 1994, Palamente ya rona e na le selekano se se kwa godimo go gaisa sa basadi go ralala lefatshe - basadi ba ba maatla, ba ba sa itshabeng mme e bile ba itomile sesino. Re saenetse Tumelano ya go Fedisa Tlhaolo Kgatlhanong le Basadi. Re na le basadi ba e leng Ditona, basadi ba ba eteletseng pele mafapha a puso a a maatla, basadi ba e leng baeteledipele mo mererong ya kgwebo le indaseteri gammogo le basadi ba ba eteletseng pele baagi ba ba tshelang nabo. Mme mo lephateng la metsi, jalo ya dikgwa le sanitasi, re ba le basadi ba le bantsi tota ba ba itshupileng.
Gore go lemogwe seabe se basadi ba ntseng le sona le se ba tsweletseng go nna naso mo mererong ya metsi, bophepa le tsamaiso ya jalo ya dikgwa mo Aforika Borwa, Lefapha la Merero ya Metsi le Jalo ya Dikgwa, Khomišene ya Patlisiso ya Metsi le Setheo sa Metsi sa Aforika Borwa, mmogo, di tlhamile Dikgele tsa Basadi ba ba dirang ka Metsi, tse jaanong di bidiwang Dikgele tsa Basadi ba ba dirang ka Metsi, Bophepa le Jalo ya Dikgwa.
Seabe sa botlhokwa sa basadi malebana le metsi, bophepa, jalo ya dikgwa le go fedisa lehuma, thuto le tlhabololo ya leruri kwa metseseteropong le kwa metsemagaeng.
Go tlhomiwa ga Dikgele tsa Basadi ba ba Dirang ka Metsi ka kgwedi ya Mopitlwe 2002, e nnile letshwao la tshimologo ya setso sa botlhokwa tota mo lephateng la metsi le jalo ya dikgwa mo Aforika Borwa.
Motlhophiwa wa ditlhopha tseno e ka nna motho a le nosi gongwe setlhopha. Dikgele di tla abelwa basadi ba maemo, basadi ba ba dirileng ka botswerere mo maphateng a bona, le ba ba nnileng le seabe se se bonalang mo maphateng a metsi, bophepa le jalo ya dikgwa mo Aforika Borwa.
tiriso ya kitso, bokgoni le bokgoni jo bo lekaneng go netefatsa gore tsamaiso ya metsi, bophepa le jalo ya dikgwa mo Aforika Borwa e tshwaela mo go ageng Aforika Borwa e e leng ya botlhe ka nnete.
Tsweetswee tlatsa foromo ya go dira kopo e e tlametsweng mme o kwale dintlha tse di bonalang fela jaaka go kopilwe. Diforomo tse di tlantsweng le tsa ileketoroniki le tsona di tla amogelwa.
Foromo ya go tlhopha e tshwanetse go patiwa ke thotlotetso e e kwadilweng ka seatla gongwe e tlantswe e e nang le mafoko a a magareng ga 500 le 1 000. Go dirisiwa dintlhatheo tse di mo lenaneng le le fa tlase, thotloetso ya gago e tshwanetse go tlhalosa gore ke eng motho/setlhopha se o se tlhophileng se tshwanetse go amogela sekgele.
Lerelo la "motlhophiwa" le kaya motho gongwe setlhopha se se tlhophiwang.
Supa ka botlalo gore motlhophiwa o na le seabe mo lephateng le fe (metsi, bophepa gongwe jalo ya dikgwa).
Seno se tshwanetse go dirisiwa jaaka kaedi ya go tlhopha mosadi/basadi, ba ba nang le seabe mo diporojekeng tse di tlwaelegileng le tse di sa tlwaelegang tse di amanang le metsi, bophepa le jalo ya dikgwa.
A ga jaana motlhophiwa/batlhophiwa o/ba dira/na le seabe mo lephateng la metsi, bophepa gongwe jalo ya dikgwa?
Ke tiro efe e motlhophiwa/batlhophiwa a/ba kileng a/ba e dira mo go lengwe fela la maphata ano?
Tiro/porojeke e na le boitshimololedi jo bo kana kang, a mme gona ga e ise e dirwe gope?
Motlhophiwa/batlhophiwa o/ba bontshitse bokgoni jwa botsamaisi le boeteledipele jang?
Tlhalosa gore motlhophiwa/batlhophiwa o/ba tsamaisitse porojeke jang ka go dirisa ditlamelo di tshwana le madi, batho le nako?
Tlhalosa ka moo motlhophiwa/batlhophiwa a/ba dirisitseng ditlamelo ka gona go feleletsa tiro/porojeke?
Tiro/porojeke e thusitse ba bangwe jang go fetola megopolo, boitshwaro gongwe ditiro malebana le metsi, bophepa gongwe jalo ya dikgwa?
Tiro/Porojeke e nnile le seabe jang mo kgolong le phitlhelelo ya diporojeke tsa pakatelele (tse di nnang sebaka se seleele)?
Tlhalosa ka moo motlhophiwa/batlhophiwa a/ba akareditseng ditokololo tsa setšhaba gongwe baagi ka gona mo tirong/porojekeng le ka moo tiro/porojeke e amileng baagi ka kakaretso ka gona.
Re bolelele ka dikgwetlho tse di itemogetsweng fa tiro/porojeke e ne e simololwa.
Seabe sa motlhophiwa/batlhophiwa e nnile sefe mo ditshwetsong tse di tserweng tse di neng di ama porojeke Ke ditshwetso dife tse di dirilweng ke motlhophiwa/batlhophiwa ka boena/e le setlhopha tse di fetotseng maemo a porojeke/tiro?
Motlhophiwa/batlhophiwa o/ba tshola direkoto tsa ditiragalo tsotlhe tsa tiro/porojeke jang A mme direkoto tseno di gona go ka lebelelwa fa go kopiwa jalo Motlhophiwa/Batlhophiwa o/ba dira jang pegelo malebana le tswelelopele ya tiro/porojeke?
Motlhophiwa/Batlhophiwa o/ba ithotloetsa jang ena le ba bangwe go tokafatsa le go fitlhelela maitlhomo le diphitlhelelo?
Letlha la go tswalela go tlhagisiwa ga motlhophiwa ke 30 Moranang 2006, mme tshwetso ya baatlhodi ke yona ya makgaolakgang.
Go tla amogelwa fela diforomo tsa go dira kopo tse di tladitsweng ka botlalo mme di tshwanetse go akaretsa thotloetso ya mafoko a a magareng ga 500 le 1000 malebana le seabe sa motlhophiwa mo lephateng la metsi, jalo ya dikgwa le bophepa.
Bafenyi ba dikgele ba tla itsisiwe ka Kgwedi ya Bosetšhaba ya Basadi ka 2006.
Go tla amogelwa diforomo tsa go dira kopo tse di tlisiwang ka seatla, ka fekese, ka tsela ya ileketoroniki le tse di positsweng.
Go ka tlhophiwa ditlhopha tse di fetang bongwe.
Go diragadiwa melawana le tsamaiso e e tshwanang le fa motho a itlhopha ka boena.
Ikgolaganye le Motlhankedi wa Tlhaeletsano kwa Kantorong ya Kgaolo e e gaufi nao ya Lefapha la Merero ya Metsi le Jalo ya Dikgwa.
Ela tlhoko: O ka tlhopha ditlhopha tse di fetang bongwe. Thotloetso e e kwadilweng e tshwanetse go tlhalosa setlhopha se o se tlhophileng.
Setlhopha seno se akaretsa tiro/diporojeke, tse di samaganang le patlisiso mo maphateng a a farologaneng (metsi, bophepa le jalo ya dikgwa).
Setlhopha seno se akaretsa tiro/diporojeke, tse di samaganang le patlisiso mo maphateng a a farologaneng (metsi, bophepa le jalo ya dikgwa).
Setlhopha seno se akaretsa tiro/diporojeke tse di thusang go tlhabolola baagi mo maphateng a a farologaneng (metsi, bophepa le jalo ya dikgwa).
Setlhopha seno se akaretsa tiro/diporojeke tse di rutang le go tsweletsa temoso mo baaging malebana le merero ya metsi, bophepa gongwe jalo ya dikgwa.
Setlhopha seno se akaretsa tsamaiso gongwe ditshwetso tsa pholesi tse di dirilweng ke motlhophiwa/batlhophiwa mo tirong/diporojekeng.
Tsweetswee re neele dintlha tsa kgolagano tsa batho ba le babedi ba go ka netefadiwang dintlha mo go bona ba ba itseng mofuta wa tiro/porojeke e motlhophiwa/batlhophiwa a/ba e dirang mme e na le tshwaelo mo lephateng la metsi, bohepa le jalo ya dikgwa.
Motho 1: Leina & Sefane...
Motho 2: Leina & Sefane...
<fn>tsn_Article_National Language Services_FOROMO YA KOPO YA BASARI YA DITHUTO TSA MORAGO GA DIKERII.txt</fn>
O rata NAC e buisana nao jang?
Tlhalosa paka e o e batlelang thuso ya madi.
Naya maina a batlhomamisi ba ba ikemetseng ba le BARARO. E ka nna barutabana ba ga jaana/ba fa gautshwane. SE AKARETSE maina a balosika le ditsala. MAMETLELELA DITLHOMAMISO TSE DI KWADILWENG E BILE DI SAENILWE mo kopong eno.
Ditshenyegelo tsotlhe di tlhagisiwe ka Ranta ya Aforika Borwa.
Tlhalosa dikabo tsotlhe tsa matlole a o a amogetseng mo nakong e e fetileng.
Ke ikana gore tshedimosetso yotlhe e e tlhagisitsweng fano le dikwalo tse di mametleletsweng fano ke nnete mme di nepagetse.
Ke ikana gore tshedimosetso yotlhe e e tlhagisitsweng fano le dikwalo tse di mametleletsweng fano ke nnete mme di nepagetse.
Go mametleletswe bosupi jo bo kwadilweng jwa kamogelo go tswa kwa setheong se se tshitshinngwang sa thuto gongwe morutisi wa koo modirakopo a tla amogelang katiso gona.
Nna, ke tlametse ka dikwalo tsotlhe tse di kopilweng.
ELA TLHOKO TSWEETSWEE: Karolo gongwe tshedimosetso yotlhe e o re tlamelang ka yona, e tla tsholwa mo khomphiutareng. Tshedimosetso eno e tla dirisediwa tsamaiso ya dikopo le dikabo le go tlhagisa dipalopalo. Dikhopi tsa tshedimosetso eno di ka newa, fa go tlhokega, batho gongwe ditheo tse re ka tlhokang go dirisana natso fa re sekaseka dikopo le go tlhokomela dikabo. Ditheo tse di abang matlole di amogana tshedimosetso go re kgontsha go bona dikopo tsa tsietso le go gokaganya tsamaiso ya dikopo tse di thusanang. Tshedimosetso nngwe e o e tlamelang mo foromong ya kopo e tla dirisiwa ke tirelo ya banka ya tshedimosetso. Gape e ka dirisiwa ke Lefapha la Botsweretshi le Setso.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Faele tsweletso ya mokgatlho-tsamaiso wa sekolo.txt</fn>
Motheo wa semolao wa molaotheo wa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo.
Popegotheo ya mokgatlho-tsamaiso wa sekolo wa rona.
Thulaganyo ya molaotheo.
Karolo ya-18 ya molao wa dikolo wa Afrika Borwa (84 of 1996) e tlhoka gore sekolo sengwe le sengwe se tlhame molaotheo, se be se o romele kwa lefapheng la Thuto. Maikemisetso a dokumente eno a tlhalosa mokgwa oo Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo ka boona o yang go tsamaisa merero ya ona ka teng. Molaotheo wa Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo ke maikemisetso a a botlhokwa kantlha a tlamela ka maatla a semolao go amogela ditsamaiso tse dingwe.
go neela pegelo ka ditiro tsa yone bonnyane gangwe ka ngwaga kwa batsading ba bangwe ba sekolo.
Popegotheo ya mokgatlho-tsamaiso wa sekolo jaaka e tlhalosiwa ke karolo ya bo 38 wa molao wa dikolo wa Afrika Borwa, le lekwalodikgang la porofensi le ditsela tse di tshwanetseng go salwa morago fa go tladiwa diphatlhatiro.
Mokgwa wa go mametlelela molaotheo.
Diteng tsotlhe di tshwanetse go tlhagisa ditumelo tsa molaotheo wa Bosetšhaba le ka molao, segolobogolo molao wa dikolo wa Afrika Borwa. Ke jalo diteng dingwe le dingwe tse di kgethololang mo phatlalatseng kgotsa mo sephiring ga di a dumelelwa.
Kwa Kapa bokone dokumente e e botlhokwa ke "The Provincial Gazette Notice 60 of 2000". Yone e tlhalosa melao ya selegae le popegotheo le ditiro tsa mokgatho-tsamaiso ya dikolo. Lenaane le le neetsweng fano le tsamaisana le dokumente eno.
Maemo: Monnasetilo wa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo.
Ditiro tse di botlhokwa go tiisa gore sekolo se na le molaotheo.
go epa dikopano le go di etelela pele.
go latela lenaane le go tiisa gore go na le tlhokomelo e e maleba mo dintlheng tsotlhe tse di mo lenaaneng.
tiisa gore ditshwetso tsotlhe tse di tserweng di a begiwa, mme ebile batho botlhe ba ba rweleng maikarabelo a ditiro tse di rileng ba a supiwa. Ga go tlhokege gore ditshwetso di kwadiwe, di ka begiwa fela.
go laola kopano. Tiisa gore mongwe le mongwe o neelwa sebaka sa go reediwa.
golagana le mokwaledi malebana le dikopano le manaane. O tshwanetse go tiisa gore manaane otlhe le metsotso yotlhe di neelwa maloko.
go emela mokgatlho-tsamaiso kwa ditirong tsa dikolo, dikopanong tsa thuto kgotsa kwa dikhonferenseng tsa makwalodikgang.
go thusa ka go supiwa ga batlhankela le go buisana le bona fa ba kopa tiro.
go thusa ka kgodiso ya matlole le go tiisa gore sekolo se na le matlotlo a a lekaneng.
go tiisa gore sekolo se na le setlankana sa maikemisetso seo se tsenngwang tirisong.
go tiisa gore mokgatlho-tsamaiso o tsamaya go ya ka ditlhokego tsa semolao.
go golagana le mogokgo.
go tiisa gore tlhagiso ya ngwaga le ngwaga ya matlotlo e romelwa ngwaga mongwe le mongwe.
Ditlhokego tsa tiro go nna le kgono ya go rulaganya dikopano.
kgono ya go tlhaeletsana sentle le batho.
kgono ya go dira sentle mo setlhopheng/lekokong.
kgono ya go loga maano le go ela tlhoko.
kgono ya go thusa ka tlhabololo ya ponelopele ya sekolo.
Ditiro-dikgolo go tsamaisa dikopano.
go tiisa gore metsotso ya dikopano ea begiwa le go tsamaisiwa mo malokong pele ga kopano e e latelang.
Ene gammogo le monnasetilo le mogokgo ba tshwanetse go thala lenaane la dikopano le go le neela maloko.
go kwala fa fatshe metsotso ya dikopano.
go lekola gore dintlha tsotlhe mo lenaaneng di akareditswe.
go nna le seabe mo ditirong tsotlhe tsa mokgatlho-tsamaiso.
go tiisa gore tshedimosetso yotlhe e fitlhellela maloko otlhe a mokgatlho-tsamaiso wa sekolo.
Dinonofo tse di siameng tsa tlhaeletsano.
Dinonofo tse di siameng tsa thulaganyo.
Dinonofo tse di siameng tsa go bega.
Kgono ya go dira mo setlhopheng.
Ditiro tse di botlhokwa go thala tekanyetsokabo ya sekolo.
go laola tekanyetsokabo ya sekolo.
go rulaganya letlhare la go lekanya lotseno le ditshenyegelo.
go rulaganya pegelo ya matlotlo kwa bokhutlong ba ngwaga mongwe le mongwe.
go tiisa gore sekolo se na le matlotlo a a lekaneng.
go tiisa gore sekolo se na le ditsamaiso tse di matshwanedi tsa palotlotlo.
Dinonofo go dira dipalotlotlo kgotsa matlotlo.
Kgono ya go bega.
Kgono ya go tlhaeletsana.
Kgono ya go dira mo lekokong.
Kgono ya go golagana le batho ba ba kgakala.
Kgono ya go tswakana le batho.
Kitso malebana le dibanka le dipeeletso.
Ditiro tse di botlhokwa go dira mo dikomiting-potlana le ditlhopheng tsa tiro.
go tsena dikopano.
go nna le seabe mo go tseyeng ditshwetso le mo tharabololong ya mathata.
go thusa ka tlhatloso ya matlole.
go nna le kitso ka ga ditiragalo tsotlhe le tshedimosetso e e malebana le sekolo gammogo le thuto ka kakaretso.
Kgono ya go reetsa le go tlhaeletsana.
Kgono ya go loga maano le go tsenya tirisong.
Kgono ya go dira le batho ba bangwe.
Kgono ya go fitlhellela tshedimosetso le go e phatlalatsa.
Letlha la go amogelwa ke Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo Saenne...
Letlha la go netefadiwa ke lefapha la thuto Saenne...
Go ya ka molao wa dikolo wa Afrika Borwa (SASA) sekolo se goeleditswe jaaka sekolo sa setshaba. Seno se kaya gore sekolo ke "motho wa molao" yo o nang le maemo a semolao go dira ditiro go ya ka molao wa dikolo wa Afrika Borwa. Molao ono o tlhoka gore sekolo sengwe le sengwe sa setshaba se nne le mokgatlho-tsamaiso wa sekolo, o o tlhalosang metheo le melao eo sekolo se yang go dira ka yona. Setlankana seno se tlhalosa ka moo mokgatlho-tsamaiso wa sekolo o yang go dira ka teng.
Setlankana seno se ya go dirisa ditlhaloso tse di latelang.
Motsadi - Mogodi mongwe le mongwe ya o nang le tshwanelo ya semolao go tlhokomela moithuti.
Maithuti - motho mongwe le mongwe yo o kwadisitsweng go amogela thuto kwa sekolong.
Morutabana - Mongwe le mongwe yo o thapilweng kwa sekolong go ya ka molao wa thapo wa barutabana.
Yo e seng morutabana - Motho yo o thapilweng ke sekolo mo maemong a mangwe ntle le a borutabana.
Leloko le le tlhophilweng - Motho mongwe le mongwe yo o tlhophilweng go dira go ya ka ditsamaiso tse di tlhalositsweng mo setlankaneng se.
Leloko le le nang le kemo - Mogokgo yo o tshwanetseng go dira mo mokgatlhong ka maemo a gagwe a semmuso.
Maloka a a akareditsweng - Motho yo o senang ditshwanelo tsa go tlhopha, mme a kopilwe go dira mo mokgatlhong-tsamaiso wa sekolo gore a tlamele ka tirelo e e kgethegileng.
Motho wa molao - setlhopha se se amogetsweng ke molao ka ditshwanelo le maikarabelo a a tlhalositsweng.
Go ya ka Molao wa dikolo wa Aferika-Borwa tsamaiso ya sekolo ke maikarabelo a mokgatlho-tsamaiso wa sekolo.
a Tlhomamisa tsamaiso ya sekolo ya go amogela baithuti.
b Tlhomamisa tsamaiso ya puo ya sekolo.
c Tlhomamisa tsamaiso ya kobamelo ya sedumedi.
d Tlhomamisa molawana wa boitshwaro wa baithuti mo sekolong.
e Tlhomamisa phetogo le go pateletsa tuelo ya madi a sekolo a a duelelwang baithuti ke batsadi.
f Tsenela mekgatlho ya boithaopo e e emelang mekgatlho-tsamaiso ya dikolo tsa sethaba?
a Ratloetsa dikgatlhegelo tse di siameng tsa sekolo le go lwela go tiisa kgolo ya yone.
b Amogela molaotheo c Tlhabolola tlhagiso ya tiro.
d Amogela molawana wa boitshwaro wa baithuti.
e Tshegetsa mogokgo, barutabana le batlhankela ba bangwe ba sekolo mo tiragatsong ya ditiro tsa bona tsa "seporofessionale".
f Tlhomamisa dinako tsa letsatsi la sekolo tse di tsamaelanang le maemo a a matshwanedi a go thapiwa ga batlhankela.
g Tsamaisa le go laola thoto ya sekolo, le dikago le mabala.
h Tlhotlheletsa batsadi, baithuti, le batlhankela ba bangwe go ithaopa mo ditirelong tsa sekolo.
i Atlanegisa go supiwa ga barutabana go mokwaledi wa lefapha la porofensi, go ikaegile mo molaong wa thapo ya barutabana wa 1994, le molao wa dikgolagano tsa badiri wa 1995 No.66.
j Atlanegisa go supiwa ga batlhankela go mokwaledi, mme go ikaegile mo molaong ditirelo tsa sethaba wa 1994 le molao wa dikgolagano tsa badiri wa 1995?
k Go letlelela tiriso e e utlwagalang ya didirisiwa tsa sekolo ka fa tlase ga maemo a a siameng malebana le manaane a thuto a a sa tsamaisiweng ke sekolo.
l Kopano bobotlana mo sebakeng sa dikgwedi di le tharo.
m Tshola metsotso ya dikopano.
n O tlaa tlhagisa metsotso ya dikopano malebana le go tlhatlhobiwa ke tlhogo ya lefapha fa a kopiwa jalo.
O tlaa baakanya tekanyetso-kabo ya ngwaga le ngwaga.
p Tlhama le go tsamaisa letlole la sekolo moo madi otlhe a a amogelwang ke sekolo a yang go duelwa mo go lona.
q Oketsa lotseno kwa sekolong go akarediwa dikatso tsa boithopo ka tiriso ya madi ka mokgwa mongwe.
r Bula le go tshola palotlotlo ya banka.
s Baakanya kanego ya ngwaga le ngwaga ya matlotlo.
t Dira gore dikanego tsa matlotlo tsa ngwaga le ngwaga di nne teng go tlhatlhobiwa fa a a kopiwa ke lekoko le le nang le kgatlhego.
u Begela batsadi, baithuti, barutabana le batlhankela ba bangwe ngwaga le ngwaga.
v Epa pitso ya dikopano tsa ngwaga le ngwaga ka tatelano le batsadi, barutabana le batlhankela ba bangwe.
Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo o na le ditiro tse di latelang go ya ka karolo ya bo 21 ya molao wa dikolo wa Afrika Borwa.
Jaaka go neetswe gore sekolo se na le bana ba ba kwadisitsweng ba le...
Ditlhopho a. Motsadi yo o thapilweng ke sekolo a ka seke a emela batsadi mo mokgatlhong-tsamaiso.
c. Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo se se tlwaelegileng sa sethaba o o tlamelang ka thuto go baithuti ba ditlhokego tse di kgethegileng, o tshwanetse fa go kgonega, go akaretsa motho kgotsa batho ba ba nang le botswerere malebana le ditlhokego tsa thuto e e kgethegileng tsa baithuti ba mothale oo?
d. Mokgatlho-tsamaiso o ka nna wa akaratsa leloko kgotsa maloko a sethaba go o thusa go diragatsa ditiro tsa ona?
e. Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo sa setshaba o ka nna wa akeretsa mong wa thoto e e leng mo ka mo teng ga sekolo kgotsa maloko a a supilweng a beng ba mothale oo.
f. Maloko a akareditsweng ga a na ditshwanelo tsa go tlhopha mo mokgatlhong-tsamaiso.
g. Palo ya maloko a batsadi e tshwanetse go bopa palo e lenngwe go feta palogotlhe e e kopaneng ya maloko a mangwe a mokgatlho-tsamaiso ao a nang le ditshwanelo tsa go tlhopha.
h. Mogokgo wa sekolo e ka nna e le motshwaramarapo mo kopanong nngwe le nngwe e e biditsweng go tlhopha monnasetilo.
Nako ya leloko ya go dira mo mokgatlhong wa sekolo ga ea tshwanela go feta sebaka sa dingwaga di le 3.
j. Nako ya leloko le e santseng e le moithuti ya go dira mo mokgatlhong ga ea tshwanela go feta ngwaga.
k. Leloko kgotsa mong wa kantoro a ka tlhophiwa gape kgotsa go akarediwa morago ga gore paka ya gagwe ya tiro e ye bokhutlong, jaaka go tlaa tlhomamisiwa ke mabaka.
Ditiro a. Mokgatlho-tsamaiso o tshwanetse, go tswa mo gare ga maloko a yona, go tlhopha beng ba dikantoro, bao ba tshwanetseng go akaretsa bobotlana monnasetilo, ramatlotlo le mokwaledi.
b. Leloko la Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo leo le santseng le le kwa tlase ka dingwaga ga le a tshwanela go emela sekolo, kgotsa go rwesiwa maikarabelo a botokololo ba gagwe mo mokgatlhong-tsamaiso. A ka seke a tlhopha fa go tsewa ditshwetso tseo di rwadisang makoko a mangwe kgotsa sekolo maikarabelo.
Ke motsadi fela yo e leng leloko la mokgatlho-tsamaiso wa sekolo, yo o sa thapiwang ke sekolo, a ka dirang jaaka monnasetilo wa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo. Monnasetilo o tla nna motshwaramarapo mo dikopanong tsa mokgatlho-tsamaiso, mme ka ditherisano le mokwaledi, o tla epa pitso ya dikopano.
a. go baya monwana tlhomamiso ya metsotso ya nako e e fetileng.
b. go tiisa gore thulaganyo le tsamaiso ya kopano di tsamaya ka mokgwa o o rulagantsweng sentle e bile o sa kgoreletsege.
c. go letlelela maloko otlhe go nna le seabe.
d. fa go kgonega, a neele mokgatlho-tsamaiso wa sekolo ditshikinyo tsotlhe le ditlhagiso tsotlhe malebana le go tlhopha.
Motlatsa-monnasetilo o tla tshwarelela monnasetilo fa a se yo, mme a dire ditiro tsotlhe tse di matshwanedi.
Ditiro tsa mokwaledi a. O tla tlhaeletsana kgabetsakgabetsa le monnasetilo.
b. Fa go kgonega o tla dira ka makwalo.
c. O tla rerisana le monnasetilo ka go bitsa dikopano.
d. O tla tsaya metsotso, mme e bile a tiisa gore ditlankana tsotlhe di bolokiwa sentle. Metsotso e tla tlhalosa tseno, mofuta wa ditherisano le ditshwetso tse di tserweng.
e. go tlamela leloko lengwe le lengwe ka tshedimosetso le thuso, jaaka go tlhokega.
Ditiro tsa ga ramatlotlo a. Ramatlotlo o rwele maikarabelo a ditsamaiso tsotlhe le ditherisano tse di malebana le lotseno la sekolo, ditshenyegelo gammogo le dithoto.
b. Mo seripeng sa bobedi sa ngwaga, ramatlotlo ka thusano le mogokgo le motlhankela wa matlotlo ka bobedi, o tshwanetse go baakanya le go neela mokgatlho-tsamaiso wa sekolo tekanyetsokabo ya ngwaga o o latelang malebana le go tlhomamisiwa ke bontsi ba batsadi mo kopanong-kakaretso ya ngwaga le ngwaga.
c. Tshegetso e e tswelelang le thuso go motlhankela wa matlotlo.
d. go tlhatlhoba ka kelotlhako lotseno lwa kgwedi le ditshenyegelo.
e. go rwala maikarabelo a go duela melato ya sekolo.
f. go tiisa paakanyo le pego ya kanego ya matlotlo a kgwedi le kgwedi.
g. go golagana le babueledi ba sekolo ka thusano le motlhankela wa matlotlo.
h. go etelela pele pego ya tekanyetsokabo e e latelang gammogo le matlotlo.
Mokgatlo-tsamaiso wa sekolo o tla supa ka go kwala motlhankela wa matlotlo go lebelela tsamaiso ya letsatsi le letsatsi ya madi.
a. Tlhama dikomiti tse di akaretsang komiti-khuduthamaga.
b. Supa batho ba e seng maloko a mokgatlho go tsena mo dikomiting tsa mothale o o go ya ka botswerere ba bona, fela leloko la mokgatlho-tsamaiso wa sekolo le tshwanetse go etelela pele komiti nngwe le nngwe.
c. Sekolo se tla tlhama dikomiti tse di latelang.
Dikopano a. Kopano ya mokgatlho-tsamaiso wa sekolo e tla tshwarwa bobotlana gangwe mo pakeng nngwe le nngwe.
b. Kopano e e amologaneng ya mokgatlho-tsamaiso wa sekolo e ya go tshwarwa bobotlana gangwe ka ngwaga le ditlhopha tse di latelang tsa banna-le-seabe; baithuti, batsadi, barutabana gammogo le batlhankela ba bangwe.
c. Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo o tla kopana kgabetsakgabetsa ka mokgwa o o latelang.
g. Tse di latelang di tla tlhama palopotlana.
h. Fa kopano e buseditswe morago bobotlana malatsi a le 5, le fa e ka nna batho ba le bakae ba ba tlang ka letlha le lenthwa, ba ya go tsewa jaaka palopotlana e e lekanetseng kopano eo?
k. Batho ka tlhopha mo boemong ba ba bangwe fela fa tlhopho e diriwa ka mokgwa wa go kwalwa.
l. go direga eng fa ditlhopho/diboutu di lekana?
Monnasetilo o tshwanetse go bitsa kopano-kakaretso ya batsadi botlhe bobotlana gangwe ka ngwaga. Batsadi ba tshwanetse go neelwa kitsiso ya bobotlana malatsi a le 30 a kopano eo.
a. go swetsa ka bontsi ba batsadi ba ba tsenetseng kopano gore madi a sekolo a tla kgethisiwa.
b. Ramatlotlo o tla baakanya le go neela tekanyetsokabo ya ngwaga le ngwaga. Tekanyetsokabo e tshwanetse go lekanyetsa lotseno le ditshenyegelo tsa ngwaga.
c. Ramatlotlo o tla neela kopano dikanego tse di tlhatlhobilweng tsa matlotlo tsa ngwagatlola.
d. Monnasetilo wa komiti nngwe le nngwe o tla neela pego ka ditiro tsa komiti eo.
e. Monnasetilo o tla neela pego ka merero-kakaretso ya sekolo.
Palopotlana/khoramo mo kopanong kakaretso ya ngwaga le ngwaga e tla nna % tsa batsadi ba sekolo kgotsa bobotlana ba batsadi ba le...
Diphatlhatiro tsa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo a.
c. Re ka thiba jang diphatlha tsa maloko a a lebogileng tiro kgotsa a a kobilweng?
Mametlelelo ya molaotheo a.
Tlhaloso ka botlalo: fa mokgatlho-tsamaiso o sa dire ka tshwanelo.
Kgannyana ke eno go tswa mo sekolong se se neng sa tlhoma mokgatlho-tsamaiso mo nakonyaneng e e sa tswang go feta eo ne e le kgopolo e nthwa, mme ga go ope yo o neng a itse sentle gore e ya go dira jang. Batlhankela ba le bantsi ba re kwa tshimologong ba ne ba nagana gore sekolo se ne se neelwa batsadi bao ba neng ba itse go le gonnye ka ga thuto, gammogo le go baithuti ba ba neng ba ka lopa tirogae e nnye, dipaka tse di khutshwane le nako e ntsinyana ya metshameko le maitapoloso?
Maloko a mangwe a mokgatlho-tsamaiso o monthwa o o sa tswang go tlhophiwa a gakalogelwa a ikutlwa a se na thuto e e lekaneng mme e bile a se na tshepo malebana le maemo a bone. Ba bangwe ba ba neng ba tletse phisego le dikgopolo ba ikutlwile ba sa amogelesege jaaka e kete e ne e le matshosetsi mo maemong ao?
Mokgatlho-tsamaiso o ne wa tshwara kopano e lenngwe mo pakeng ya ntlha. Ntlha ya botlhano ma lenaaneng e ne e le pego e khutshwane go tswa go mogokgo. Polelo e lenngwe e kaile gore go bonagala go nna le tshegetso e nnye mo ditirong tsa metshameko mo sekolong. Leloko lengwe mo mokgatlhong-tsamaiso yo o neng a tsamaisa di-atletiki ka Labobedi thapama, o buile gore kwa tshimologong ya paka go bonagetse baithuti ba na le phisego, fela ba palelwa ke go tla kwa ikatisong. Mongwe wa maloko a baithuti o ngongoregile ka gore maloko a batlhankela ba ba rweleng maikarabelo a metshameko ga ba na kgono ya go katisa, mme e bile ba ne ba sa bone metshameko jaaka selo se se tlang pele. Morago ga metsotso e se mekae ya ditherisano (e ne e setse e le metsotso e le somaamararo morago ga ura ya bolesome bosigo), boto e ne ya swetsa ka gore kantlha ya fa metshameko e e kwa ntle ga lenaanethuto e baka maikutlo a a seng monate, mme e bile ka gore sekolo se ntse se sa fenye metshameko e le mentsi go le kalo, lenaane le le kwa ntle ga lenanathuso le tla phimolwa.
Seno se itsesitswe semmuso kwa sekolong dibeke di le pedi morago ga foo, fela ka nako eo tshedimosetso e ne ya dutla ka tsela ya magatwe. Morago ga kitsiso, mogokgo o ne a tshosiwa ke palo ya batlhankela, batsadi le baithuti ba ba neng ba galefile, bao ba iteleketseng kwa kantorong ya gagwe ba tuka bogale kantlha ya go phimolwa ga lenaane le le kwa ntle ga lenaanethuto. Bontsi ba baithuti bo amogetse gore bo ne bo se na tseno e e tlhomaneng fela bo ne bo itumelela thapama ya malatsi a bo ileng ka ona koo. Ba galefetse lebaka la gore motshameko o ne o tsewa e le tshenyo ya nako fela kantlha ya gore sekolo se ne se sa fenye meputso. Batsadi, tota le bao ba neng ba bontsha tshegetso e nnye mo nakong e e fetileng, ba ne ba tshwenyega gore bana ba bone ga ba na tiro ya kwa ntle, mme ba ya go ija fela go tloga fa sekolo se tswa go fitlha nako eo batsadi ba tlang go ba tsaya ka yone morago ga tiro. Batlhankela ba ne ba galefetse gore maiteko a bone a nako e e fetileng a ne a sa anaanelwe le ke baithuti, mogokgo kgotsa mokgatlho-tsamaiso. Maphata otlhe a sekolo a boleletse mogokgo ka tlhamalalo gore ga go a rerisanngwa le one.
Mogokgo o kopile gore mokgatlho-tsamaiso o kopane le boeteledipele ba baithuti, batsadi le batlhankela ba botlhe. Mo dikopanong tse tsotlhe di le tharo tseo, mokgatlho-tsamaiso o tlhalositse kwa tshimologong gore tiro eo e ne e tletse diphoso mme e bile ba simolola kwa tshimologong gape. Ditshikinyo tse dinthwa di ne tsa bewa mo tafoleng, mme lenaane le lennye e bile le tiile le le kwa ntle ga thuto le ne la tlhongwa. Bontsi ba batsadi bo ne ba neela thuso ya bone go nna bakatisi. Batlhankela ba ne ba rulaganya gore dithuto-tlaleletso le maeto di ka seke tsa kgoreletsanya le metshameko. Baithuti ba ipofile gore ba tla di tsenela kgabetsakgabetsa?
Mokgatlho-tsamaiso o ne wa lemoga gore temakgang eno e ile pele go na le lenaane le le kwa ntle ga thuto. Thatathata bothata e ne e le tlhaelo ya tlhaeletsano. Kwa metseletseleng ya "dikopano tsa ditshwetso," mokgatlho-tsamaiso o thadile lenaane la ditshwetso leo le thusitseng sekolo go dira thologelo e e sa belaetseng.
Go tlhokega gore maphata otlhe a sekolo a nne le seabe mo go tseyeng ditshwetso. Santlha re tlhoka tumellano mo go reng sekolo se ikaelela eng go kgontsha bana ba rona go bona katlego: Maikaelelo le ditumelo tsa sekolo. Jaanong re batla maikemisetso le ditsamaiso tse di bonalang sentle gore mongwe le mongwe a tlhaloganye gore a ka fitlhelela jang maikaelelo ao. Sa boraro, batsamaisi ba sekolo ba tshwanetse go lebelela gore maikemisetso a ya go dira ka nnete.
Kgono ya go reetsa le tlhaeletsana.
Kgono ya togamaano le go diragatsa.
Kgono ya go dira le ba bangwe.
Kgono ya go tswakana le batho.
Monnasetilo o tshwanetse go latela lenaane ka tlhokomelo. Mokwaledi o tshwanests go tsaya metsotso go ya ka ditlhogo tsa lenaane. Metsotso e ya go bega ditherisano, ditshwetso le batho ba ba maikarabelo. Monnasetilo le mokwaledi ba tla dira mmogo kgabetsakgabetsa go tiisa gore kopano e gatela pele sentle.
Pego ya maina ka botlalo a bao ba leng teng mo kopanong.
Lenaane la bao ba rometseng boitshwarelo go se kgoneng go tla. Bao ba sa romelang boitshwarelo ba bone ga ba tshwanela go akarediwa.
Mongwe le mongwe otshwanetse go dumela gore metsotso ya kopano ya bofelelo e nepagetse. Monnasetilo o tshwanetse jaanong go baya metsotso monwana. Ja go nale sengwe se se begilweng katsela e e fosagetseng, diphetogo di tshwanetse go diriwa pele ga fa monnasetilo a ka saenna metsotso.
Ditiro le ditshwetso tse di dirilweng mo kopanong ya bofela di tshwanetse go salwa morago, mme e bile kgatelopele nngwe le nngwe kgotsa mathata a begiwe.
Lenaane la ditemakgang tse di yang go sekasekiwa mo kopanong eno.
Ditlhogo dingwe le dingwe kgotsa dikitsiso tseo batho ba eletsang go di tlhagisa ka dinako dingwe tshekatsheko ya kopano e diriwa kwa bokhutlong.
Maloko a kopano a swetsa ka letsatsi le le tshwanetseng, letlha, nako gammoga le lefelo la kopano e e tlang. Tshedimosetso eno e tsenngwa mo metsotsong go itsèse bao ba neng ba se mo kopanong.
Le setlhopha se senthwa sa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo mme e bile le kopana lantlha. Ha go ope yo o itseng gore go simololwa kae ha go kwa kopano e yang teng mme mongwe a ba atshikinya gore mokgatlho-tsamaiso wa sekolo o simolole ka ntlhana ya "Ditemakgang tsa nako e e fetileng". Setlhopha se latlhegile gotlhegotlhe, jaaka nngwe ya dintlhana e tlhoka gore tsamaiso mo dinakong tsa sekolo di ya go fetoga, mme e bile ga go ope yo o yang go letlelelwa go tswa mo setsheng sa sekolo ka nako ya boitapoloso. Barutabana ba tla ba ba solofelwa go nna mo tirong ka nako ya boitapoloso. Mogokgo o itsesitse komiti e nthwa gore seno se amogetswe ke mokgatlho-tsamaiso ya sekolo wa nako e e fetileng mmese tlhoka thebolo ya mokgatlho wa ga haana gore se tle se tsenngwe mo tirisong ka bonakonako?
Komiti e nthwa ga ea ka ya itshepa mo go lekaneng go gwetlha sengwe le sengwe mme ya dumallana le se mogokgo o se buang. Mo mosong o o latelang ke fa barutabana le baithuti ba bangwe ba tsholetsa ditlhabano. Barutabana ba ganne go dira tiro ka nako ya boitapoloso mme ba bantsi mme ba le bantsi ba tswa tota le ka setsha se sekolo ka nako eo. Baithuti ba ne ba tlola legora mme ba bangwe bone ba bula phatlha mo legoreng go tswa ka yone. Mogokgo ga a ka a nna le taolo mo temaneng eo. Jaanong ke fa a ikuela go mokgatlho-tsamaiso wa sekolo malebana le thuso?
Ke phoso efe eo mokgatlho-tsamaiso wa sekolo o e dirileng?
Ke kgokololo efe eo ka e nayang mokgatlho-tsamaiso wa sekolo?
Temana eo e ka bo e rarabolotswe jang?
Tsaya karolo mo kopanong yotlhe gore ditshwetso di tsewe sentle.
Makwalo otlhe a a kwadilweng ka mokgatlho-tsamaiso wa sekolo kgotsa monnasetilo wa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo a tshwanetse go bulwa kwa kopanong ya mokgatlho-tsamaiso wa sekolo kwantle ga fa e tshwaelwe tshoganyetso.
Fa e le gore ke la tshoganyetso, mogokgo o tshwanetse go leka go romela lekwalo leo kwa go monnasetilo (ka go roma ngwana wa ga monnasetilo fa go tlhokega). Jaanong monnasetilo a ka bula lekwalo mme a ba a tsibogela diteng. Lekwalo le santse le tshwanetse go begiwa mo kopanong e e latelang.
Lekwalo le tshwanetse go tlanyiwa ka setempe sa sekolo mme letlha leo lekwalo le amogetsweng ka lona le tshwanetse go tlanyiwa kgotsa go kwalwa mo letlhareng la ntlha kwa godimo.
Dipuisano tsotlhe tse di kwadilweng tshwanetse di arabiwe ka go kwalwa mme khopi ya tsibogo e tshwanetse go gokelelwa mo lekwalong la ntlha.
Makwalo a tshwanetse ka dinako tsotlhe go kwalwa ka segalo se se bonolo, ke pego e e ka fa mokgweng mme e bile segalo se se ka mokgweng se tshwanetse go dirisiwa.
Fa lekwalo le rometswe kwa lefapheng, kgotsa foromo e tladitswe ka kopo ya lefapha, go tshwanetse ga bolokiwa pego ya letlha, leina le mo saeno wa motho yo o rwalelang lekwalo kgotsa foromo kwa lefapheng.
Morwadiake Poppy o ntse a sa kgone go dira tirogae ya gagwe lekgetlo la boraro mo bekeng eno kantlha ya fa a se na dibukakgakalolo tsa ikonomi le Palotlotlo. Ngwanake o solofelwa go arogana le ba bangwe mme ga go kgonege ka dinako tsotlhe. Go bana ba le babedi ba go solofetsweng gore ba arogane buka e lenngwe. Ga ba nne gaufi. Le kwa ntle ga foo ngwanake o tshwanetse go tshela mebila e le meraro pele a goroga kwa ngwaneng yo o nang le buka. Ga go a bolokesega gore a tsamae a le nosi. Gantsi a bolawa ke pelo e bile ga a phuthologe. Ke a solofela bana ba botlhe ba ba tsenang le ene ba ikutlwa fela jalo le bone. Rre Jones, e leng morutabana, a re bana ba dira maipato fela. Ka kopo tlhe dira sengwe ka tlhaelo ya dibukakgakololo mo sekolong.
Sekolo se batla go dira kopo kwa tikologong/kgaolong malebana le nako ya go ruta ka nako ya maltsi a le supa a ditlhatlhobo tsa sekolo ka Seetebosigo. O solofelwa go tlatsa foromo e e latelang.
Ke rata go akgola mokgatlho-tsamaiso wa sekolo o monthwa malebana le go supiwa ga oma mme e bile ke le eleletsa tsotlhe tse dintle ka sebaka sa lona sa tiro. Ke le kwele la lekwalo leno kantlha ya fa ke dumela ke na le leano le lentlhe la go okeletsa sekolo matlole. Ke buisane le mokgatlho-tsamaiso wa sekolo wa nako e e fetileng ka kgopolo eno ya me fela ba ikgatholasa tshikinyo eo?
Sekolo se na le phaposi e e sa dirisiweng ka tshwanelo kwa ntlheng e e kgakala ya kago ganti le lebala la metshameko. E tletse ka fenithara e e robegileng le dibuka tse dikgologolo thata. Re ka phepafatsa phaposi eo mme ra e dirisa jaaka lebenkelenyana. Bomme ba ba nnang go dikologa le sekolo ba fisegela go tsamaisa lebenkelenyana leo ka nako ya boitapoloso ba sekolo go gore le ba neye lotsenonyana. Re ka rerisanela madi a khiro a R300,00 ka kgwedi le diabo tsa 25% mo dipoelong tsa kgwedi. Cocacola le Simba ka bobedi di dumetse go re naya ditlhwatlhwa tse di siameng tsa dithoto tsa bona. Ka palogare fa diperesente di le 50 tsa baithuti ba rona (k.g.r. baithuti ba 300) ba tshegetsa lebenkelenyana mme ba dirisa bobotlana R5,00 ka letsatsi, re ka dira poelo ya bokana ka R5 600 ka kgwedi ka dithekiso fela. Ke na le tshepo ya gore re ka dira madi a le mantsi?
Ke lebeletse go utlwa go tswa go lona.
Molao wa bo 84 wa dikolo wa Afrika Borwa wa 1996 o bofa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo sa setshaba go amogela molawana wa boitshwaro wa baithuti. Sentlankana seno se kobilwe go tlhama tikologo e e nang le kgalemo le maikaelelo go nolofatsa thuto e e botlhokwa gammogo le go ithuta mo dikolong. Maikemisetso ano a tla tshegetsa ditshwanelo tsa batho botlhe jaaka di akareditswe mo molaotlhomong wa ditshwanelo wa Molaotheo wa Afrika Borwa.
a. Baithuti botlhe le dimphato di tla nna tshwanelo ya setemokeratiki mo kgatong e e solofetsweng, le mo go nneng le seabe motseong ya ditshwentso mo ditemaneng tse di ba amang mo sekolong. Baithuti ba ya go nna le tshwanelo mo ditsamaisong tse go dumallanweng ka tsona tse di latelang le mokgatlho-tsamaiso gammogo kgotla-kemedi ya baithuti malebana le go tlhagisa le go rarabolola dingongorego tse di amanang le sekolo.
b. Ga go ope yo o ka kgethololang kgotlhanong le maithuti yo o tshwanetseng go itumelela tsholo e e lekanang, tshireletso le ditshiamelo fa pele ga molao.
c. Tlotlo ya seriti sa botho ya moithuti e tla babalelwa mme seno se akaretsa bodumedi, setso gammogo le ditumelo tse dingwe.
d. Baithuti botlhe ba na le tshwanelo ya sephiri mme e bile ga go na gore thoto ya bone e ka gapiwa kwa ntle ga pelaelo e el utlwalang.
e. Kgalemo e tshwanetse go itshetleega mo seriting le mo tlhomphong. Ga go moithuti ope yo o ka tseelwang kwa tsase kgotsa go tshwarwa ka mokgwa wa bophologolo.
f. Go ka seke ga nna le tiriso ya thupa.
g. Baithuti ba ka seke ba botlelelwa ba le bosi kgotsa gore go golegwa.
h. Baithuti ba na le tshwanelo ya maikutlo a kgololosego. Le fa go le jalo, boganana/lonyatso le ditlhapa ga se karolo ya kgololosego ya maikutlo. Kgololosego eno e lekanyeditswe gore e seke ya akaretsa kgolreletsego mo ditshwanelong tsa Gatho ba bangwe kgotsa tlhakatlhakano ya dithuto.
Baithuti ba na le tshwanelo ya tikologo e e phepa, e e bolokesegileng, e e senang kgadiepetso, e bile e itekanetse ka metsi a a phepa, mme e dumelela thuto le go ruta.
j. Baithuti ba na le tshwanelo ya go solofela gore barutabana tsa tshegetse maemo a a kwa godimo a metheo ya botho.
k. Tshwanelo ya thuto e akaretsa tshwanelo ya go tsenela dithuto mo dirutweng tsotlhe tse di rebotsweng, go sedimosediwa kgabetsakgabetsa ka kgatelopele ya sekolo, go dirisa didirisiwa tsotlhe tsa sekolo le gore kgono ya bona e lthabololwe ka botlalo.
l. Moithuti yo o moimana ga a tshwanela go ilediwa o ya sekolong. A ka romelwa kwa sekolong sa Bookelo sa basetsana ba baimana.
m. Ditumelo/dikgopolo tse di latelang tsa sekolo, le tsona di ya go rotloediwa ka tiriso ya molawana wa boitshwaro.
a. Baithuti ba tshwanetse go itlama ka go dira tiro yotlhe e ba e rilweng, e ka nna mo diphaposing kgotsa kwa gae, le go fitlhellela tiro e e ba latlhegetseng kantlha ya go sa tle sekolong. Tlhankatlhakano ya tiro ga ea dumelelwa. Baithuti botlhe ba na le maikarabelo a go ithuta le go tlhabolola kgono ya bona.
b. Baithuti bothle ba rwele makarabelo a go tlhokomela thoto ya sekolo mme moithuti mongwe le mongwe yo ka maikaelelo a dirisang botlhaswa thato ya sekolo, a e senya kgotsa ae tladika, o tla baka gore motsadi/motlhokomedi wa gagwe ae duele le go baakanngwa.
c. Baithuti botlhe ba na le maikarabelo a go tsena sekolo ka tlhomamo. Fa go ka direga gore moithuti a seke a tla sekolong ka letsatsi lengwe le el releng, ene/motsadi/Motlhokomedi o tshwanetse go itsese le go tlhalosa mabaka.
d. Kgotla-kemedi ya baithuti e tla emela dikgatlhegelo tsa baithuti, mme gape e rotloetsa boitshwaro bo bo matshwanedi mo gare ga baithuti. Le ga go le jalo ba ka seke ba otlhaya ba bangwe.
e. Maikarabelo a a latelang a baithuti le ona a kaiwa mo ponelopeleng le motirong sekolo.
Maikarabelo a batsadi malebana le Molawana wa boitshwaro.
i Tshegetsa sekolo le go batla gore baithuti ba ele tlhoko melawana le ditaolo tsa sekolo, le go amogela maikarabelo malebana le go tlhoka maitseo ga bona.
Go tsaya karolo mo thutong ya ngwana le go tiisa gore ba konosetsa tiro ya sekolo.
a. Batsadi ba tshwanetse go tsenela dikopano tse ba di bileditsweng ke mokgatlho-tsamaiso.
b. Batsadi ba ka nna ba tsaya kgato ya semolao kgatlhanong le motho mongwe le mongwe yo o feretlhanang le ditshwanelo tsa moithuti.
Tiriso ya ditaolo tsa sekolo a. Morutabana o tla nna le ditshwanelo tse di tshwanang le tsa motsadi go kgalema le go laola moithuti ka nako ya tiro nngwe le nngwe ya sekolo.
b. Baithuti ba ya go nna le seabe mo go thaleng le mo go sekasekeng ditaolo tsa sekolo ka tsela e e latelang.
Diteng tsa molawana wa boitshwaro di tla phasaladiwa ka bophara mo malokong a sekolo.
c. Go sa itse ditaolo e tshwanetse go nna maipato a a amogelesegang.
d. Kgato ya kgalemo e tla direga ka bonako le ka bokgoni, e tla siama, e tla kgopolola, e tla tsepama mme e bile e tla ruta. Kgato eno e tla kgopolola kgotsa e dirisediwa go otlhaya modiramolato yo o tshwanetseng go kotula se a se jetseng go boloka tolamo mo sekolong.
e. Dikgato tsa kgopololo di tshwanetse go tsamaelana le tlolomolao mme e nne tse di gagametseng fa boitshwaro boo bo ipoeletsa.
f. Fa moithuti a ka sa tshwanele sekolo, a ka fetisediwa go mogokgo yoo a ka tlisang ditirelo tsa tshegetso ya baithuti, mme fa seno se sa thuse kgetse e ka lebisiwa go Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo, oo tshwanetseng go tsaya tshwetso go lebeletswe dikgatlhegelo tsa ngwana yoo le baithuti ba bangwe.
g. Baithuti ba tlaa be ba tlhalositse gore ke kantlha ya eng boitshwaro ba bona bo bo botlhaswa bo tsewa jaaka maitseo a a botlhaswa mme ba tlhoka gore ba kgalemiwe. Ka fa tlase ga pelaelo e e utlwalang mogokgo/morutabana a ka phuruphutsha moithuti malebana le dibetsa, dithunya thoto e e utswitsweng, diritibatsi kgotsa dire tsa thoballano. Le fo go lejalo seno se tlaa be se diriwa go boloka seriti sa botho sa moithuti. Fa phuruphutsho e diriwamo moithuting, motlhankela wa bong bo bo tshwanang le ba moithuti yo o phuruphudiwang o tshwanetse a dire seno ka mokgwa oo go ka kgonegang ka teng. Pego ya ditlamorago tse tshotlhe e tla bolokiwa.
Ditlolomolao tse di tlhwaelegileng a Ditiro tse di latelang de tsewa jaaka ditlomolao tse di tlwaelegileng.
b. Kotlhao ya ditlomolao tse di tlwaelegileng.
i Tsiboso ka molomo kgotsa ka go kwalwa/kgotsa ka morutabana kgotso mogokgo.
Tiro ya sekolo e e tlhokometsweng eo e lebisitsweng kwa boitshwarong, ka kitso ya batsadi, mme polokesego ya moithuti e tiisiwe.
Go dira ditiro tse di thusang motho yo o rumotsweng kgotsa ho mophimola keledi malebana le tiro eo.
Go emisiwa nakwana mo sekolong e tla nna kgonega ya makgaolakgang malebana le ditlolomolao tse di boelediwang; morago ga tsotlhe ditsela tse dingwe tsa kaglemo di retetse.
Go ya ka lekwalo dikgang la Porofensi la Kapa Bokone, 236 la 1997, tse di latelang tseno di tlhalosiwa jaaka ditlolomolao tse di kotsi.
a. Peto b. Tlhaselo ya bophologolo c. Kgadiepetso ka maikaelelo a go gobatsa motho d. Tlhaselo ka maikaelelo a go gobatsa motho e. Tlhaselo e e tlwaelegileng go morutabana f. Matshosetsi a a kotsi go batlhankela, mo thutong le mo e seng go thuto g. Tshenyo ka maikaelelo a go senya thoto ya mmuso h.
Kgothoso j. Go nna le dibetsa tse di kotsi se se ka tlhalosiwang e le sebetsa se se kgonang go baka kgobalo e e tlisang phutsafalo.
k. Go nna, jo rekisa kgotsa go dirisa dire tse di seng mo molaong botlhaswa.
l. Go nna le dilo tse di tlhabisang kgala go akarediwa tse di bontshana thobalano ka mefuta ya yona.
m. Go nna mo setsheng sa sekolo kgotsa mo tirong ya sekolo e e seng mo setsheng sa sekolo o le ka fa tlase ga tlhotlheletso ya tagi kgotsa dire tse di seng ka fa molaong.
n. Go nna, go rekisa kgotsa go nwa bojalwa o le mo setsheng sa sekolo.
o. Go utswa dipampiri tsa di tlhatlhobo, go nna le tsona, kgotsa go rekisa dimpampiri tse di utswitsweng tsa ditlhatlhobo.
p. Ditlolomolao tsa maitsholomabe tsa tlwaelo tse di ipoeletsang.
Moithuti ga a tshwanela go emisiwa nakwana kgotsa go kobiwa kantlha ya fa batsadi ba sa kgone go duela madi a tefiso kgotsa a sekolo.
Kgato e e tshwanetseng fa go direga maitsholomabe a a kotsi a. Go ya ka lekwalodikgang la mmuso, 18900 la 1998 le lekwalodikgang la Porofensi, 236 la 1997, go tla latelwa tsamaiso e e latelang ka nako ya maitsholomabe a a kotsi go tiisa tsheko e e siameng ya kgetse. Dikotlhao tsa go emisiwa nakwana le go kobiwa di ka diriwa fela morago ga gore kgato e e motshwanedi e e tlhalositsweng fa tslase, e salwe morago.
b. Moithuti mongwe le mongwe yo go kaiwang a tlotse taolo nngwe e e tlhokang go emisiwa nakwana kgotsa go kobiwa, o tshwanetse go romelwa go mogokgo. Mogokgo o tla reetsa bopaki mme a swetsa ka kgato e e tla tsewang.
c. Mo tiragalong ya fa moithuti a tshwanetse go latofadiwa ka maitsholomabe a a kotsi, mogokgo o tshwanetse go itsese batsadi ba moithuti ka go ba kwalela ka kgato e e tshikintsweng mme a ba a rulaganya tshekiso e e siameng e e tla tsamaisiwang ke komiti kgalemo e potlana e e bopilweng ke maloko a a tlhophilweng ke mokgatlho-tsamaiso. Setlhopha seo sa kgalemo ga se a tshwanela go tshosetsa moithuti. Mo lebakeng la moithuti yo monnye dithulanyo tse di kgethegileng di tshwanetse go diriwa malebana le tsheko, mme batsadi kgotsa batlhokomedi ba ka emela moithuti.
d. Mogokgo o tshwanetse go direla mokaedi wa kgaola pego e e kwadilweng ya kgetse mme a tlhalosa tshwetso ya go latofatsa moithuti.
e. Khopi e e kwadilweng ya tatofatso e tla romelwa kwa moithuting yo o amegang gammogo le batsadi ba gagwe kgotsa motlhokomedi-ka go e mo neela mo seatleng; e be e fetisediwa ka lekwalo le el kwadisitsweng kwa lefelo bonnong lego itseweng e le la bofelo la motsadi kgotsa motlhokomedi.
f. Tatofatso e tla nna le taelo e e laelang e e kwadilweng a romele kamogelo kgotsa kganelo e e kwadilweng a romele kamogeleo kgotsa kganelo e e kwadilweng ya tatofatso mo sebakeng sa malatsi a le supa a tiro, mme e bile fa a eletsa jalo, a tlhalose ka go kwala malebana le maitholomabe a a kotsi ao a tatofadiwang ka ona.
g. Fa moithuti a amogela molato, e ka nna ka go kwala kgotsa ka molomo fa pele gag a mogokgo, o tla tsewa a le molato wa maitsholomabe a a kotsi jaaka a latofadiwa. Le fa go le jalo, fa mogokgo a na le kakanyo ya gore maitsholomabe a ka baka go kobiwa mo sekolong ke Tlhogo ya Lefapha, tsheko e e siameng e santshe e ntse e tla tswelela pele go sa kgathalasege kamogelo ya molato.
h. Ka nako ya tsheko, mogokgo wa sekolo sa set?
Mo lebakeng la fa moithuti a amogela molato mo tatofatsong ya maitsholomabe a a kotsi, a dira dikatlanegiso mo dikgatong tsa kgopololo tse di yang go tsenngwe go mokaedi wa kgaola wa Thuto, kgotsa fa go diega gore go atlanagesiwe go kobiwa ga moithuti wa mothala ono kwa lefapheng la thuto; kgotsa ii Mo lebakeng la fa moituti a ganela molato wa gagwe mo tatofatsong maitsholomabe a a kotsi, a reetsang molato ka mokgwa o o tlhalositsweng fa tlase le, iii gore morago ga gore a fitlhele molato, a dire dikatlanegiso ka dikgato tsa kgopololo tse di yang go tsenngwa.
i Motlhankela yo o neilweng maikarabelo o tlaa re ka go kwala, a supe morutabana kwa sekolong sese amegang, mme a dire jaaka matshotshosi ka nako ya theko?
j Tshekiso ja pele ga motlhankela yo o neilweng maikarabelo e tla tsamaisiwa ka bonako jo bo kgonegang mme e bile e se ka fa mokgweng, fela go ya ka metheo ya tolamo, go utlwagala le kgato e e matshwanedi eo e sireletsang dikgatlhego tsa moituti le motho mongwe le mongwe yo o tsayang karolo mo tshekong.
k. Malebana le tsheko, baithuti ba tshwanetse go itsesiwe le go tlhaloganya tatofatso, , ka kitsiso ya malatsi a le matlhano e e supang nako, lefelo le letlha.
A ka botsolotsa dipaki dingwe le dingwe.
Tlhagisa dikganetsano tse di tshegetsang tatofatso.
f Nna le phitlhelelo mo ditlankaneng tsa bopaki tse di neetsweng go tshegetsa tatofatso.
g Sedimosediwa ka go kwalwa gore a ke tshwetso ya emisiwa nakwana kgotsa go kobiwa.
h Sedimosediwa ka ga tshwanelo ya go ikuela go mokhuduthamaga.
n. Moithuti a ka nna a ipona molato mo tatofatsong ya gagwe mo tsamaong ya tseko, moo e leng gore o tlaa bonwa molato wa maitsholomabe a a kotsi jaaka a latofadiwe.
o. Morago ga bokhutlo ba tsheko motlhankela yo o neilweng maikarabelo o tla dira diphitlhellelo mo tatofatsong eo, a tlhalosa lebaka la go bona molato ka mabaka a a galefisang le a go tlhofofatsa kotlhao, mme a ka dira katlanegiso ya gore dikgato tsa kgopololo di tshikinngwe.
p. Mokgatlho-tsamaiso o tshwanetse go tshola dipego tsa tsheko.
q. Fa go direga gore go fitlhellelwe tshwetso e e atlanegisang go kobiwa, mokgatlho-tsamaiso o tshwanetse go itsese tlhogo ya lefapha mo sebakeng sa diura di le 24. Ke tlhogo ya lefapha fela e e ka dumelelang go kobiwa. Batsadi ba moithuti yo o kobilweng ba ka nna ba ikuela kgatlhanong le tshwetso ya tlhogo ya lefapha go mokhuduthamaga mo sebakeng sa malatsi a le supa morago ga katlholo.
Go emisiwa nakwana sebaka sa beke kgotsa sebaka se se utlwalang nako ya fa a santse a emetse thebolo ya Tlhogo ya Lefapha malebana le go kgotlhisiwa setlhako.
v Go ka nna gatsenngwa kgato nngwe le nngwe ya kgopololo, go mmaballa gore a seke a kobiwa mo sekolong, eo a ka e akanyang e utlwala, e lolame e bile e tshwanetse go ya ka mabaka.
m. Moithuti kgotsa batsadi ba gagwe kgotsa motlhokomedi, a ka ikuela kgatlhanong le phitlhellelo ya motlhankela yo o neetsweng maikarabelo le/kgotsa kgato-kgopololo e e tsentsweng kwa tlhagong ya lefapha.
n. Metseletsele ya dikgato kgalemo e e lebeletsweng fa e tla tsamaisiwa ka mokgwa o o lolameng, o o utlwalang, o o bonagalang e gile o bolokesegile, kwantle go gore tsheko ka boyone e tla be e tswalelletswe batho botlhe ntle fela le batho kgotsa batlhankela ba ba amegang mo go yona.
o. Mo lebakeng la go sutisiwa ga kgalemo tlhogo ya lefapha e tshwanetse gobatlela moithuti phatlha go fitlha dingwaga tsa pateletso tsa tseno ya sekolo di fitlhellelwa.
p. Tlhogo ya lefapha e tla batlela moithuti yo o kobilweng sekolo morago ga gore kgato e go dumallanweng ka yona e salwe morago. Fela tiro ya go ko a e sala e ntse e le tshwanelo ya tlhogo ya lefapha, mme e seng mokgatlho-tsamaiso wa sekolo.
Tlhatloso le molawana wa boitshwaro a. Maikemisetso ano a tla bontshiwa mo phatlalatseng mo sekolong ka tsela e e latelang.
b. Maikemisetso ano a tla neelwa moithuti mongwe le mongwe ka puo ya semmuso e go rutiwang ka yona ka nako ya ikwadiso.
c. Maikemisetso ano a tla tlahlosa gore ditsholofelo tsa sekolo ke dife. Dikgato tse di latelang di tla tsewa go sedimosa ditsholofelo tsa sekoloo go baithuti.
d. Moithuti mongwe le mongwe o tshwanetse go neelwa khopi kwa tshimologong ya ngwaga, baithuti ba bang ba ba kwa sekolong sa poremari ba tshwanetse itsesiwe ka molomo.
e. Ditaolo tsa phaposi di tshwanetse go kgomarediwa mo phaphosing, mme go tlhalosiwe sentle ditlamorago tsa go roba taolo e nngwe le e nngwe.
Melawana ke "eng"?
Molao wa dikolo wa Afrika Borwa o dirisa mokgwa wa segompieno ga tsamaisa dikolo. O kobile go fetola tsela eo dikolo di tsamaisiwang kateng le go tlhotlheletsa dikolo go rwala maikarabelo a ditemana tsa tsona. Re batla maforatlhatlha a thuto ao a itshetlegileng mo methoeng le ditumelong tsa molaotheo o montshwa. Tsela e lenngwe ya go dira se ke go thlotlheletsa dikolo go tlhama "melawana ya boitshwaro". Ka go dira jalo, dikolo di tlhotlhelediwa go buisana le banna le seabe botlhe kwa sekolong, mme rerisanele babotlana melawana e le mebedi.
Melawana e refosa setlhopha sa bogologolo sa "ditaolo".
Ditaolo ga di a tlhadiwa ka tsela ya setemakeratiki; din e di thadiwa ke batho ba baneng ba tshwere taolo.
Ditaolo di re di tsenngwa fela, ke gore, din e di patelediwa ba ba kwa tlase badiri kgotsa baithuti.
Ditaolo din e di tsibogelwa e bile di tsamaya le kotlhao.
Ditaolo din e gantsi di ganetsa ("De dire seO seke wa dira sele...").
Ditaolo din e gantsi di sa obamelwe.
Melawana e tlhoma boemo ba boitshwaro. Melawana e nna e na le setlhophana sa ditumelo tsa seto, melao le metheo eo maloko a sekolo ae tshegetsang.
Melawana ke diphalo tsa dipuisano le ditherisano le ditlhopha tsa banna-le-seabe mo malokong a sekolo.
Melawana ea tlhabolola mme e lebeletse go rotloetsa boitshwaro bo bo siameng.
Melawana e lebelela go rotloetsa kgalemo e e nang le tshepo le go ikgalema.
Ka jalo melawana e rata go salwa morago.
Molao wa dikolo wa Afrika Borwa le dikitsiso tse di latelang mo lekwalo dikgannyeng la mmuso e tlamela ka bokao bo bo bophara ba melawana ya boitshwaro ya baithuti e e leng ya dikolo tsotlhe. Ga e bewa ka tsela e e bonolo, karolo ya 1.
Molawana wa boitshwaro o tshwanetse go dedimosetsa baithuti ka tsela eo ba tshwanetseng go itshwara ka yona mo sekolong fa ba ipaakanyetsa boitshwaro ba bona le polokesego mo setshabeng.
O tshwanetse go tlhoma boemo ba boitshwaro ba baho ba baithuti, mme o be o ba tlamele ka botswerere, kitso le dinonofo tseo bat la solofelwang go ka di bontsha go nna baagi ba ba maikarabelo le baling.
O tshwanetse go rotloetsa maikarabelo a baagi a sekolo, mme e bile o tshwanetse go tlhakolola baeteledipele.
Maikaelelomagolo e e nang le tshepo, ga ea tshwanela go otlhaa le go lebisiwa kwa kotlhaong fela e tlhofafatsa go ithuta go go agegileng.
Molawana o tshwanetse go itshetleega mo setsong sa poelano, go ruta, go ithuta le tlhomphano, le go tlhongwa ga setso sa kgotlhellelano le kagiso modikolong.
Mo ditemaneng tseno, molao wa dikolo wa Afrika-Borwa o lebelela thata molawana wa boitshwaro wa baithuti.
Fa Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo o thal molawana wa boitshwaro wa baithuti, go botlhokwa gore ba akaretse baithuti, batsadi le barutabana mo sekolong. Tiro e tshwanetse go nna ya setemokeratiki. "Dipholo" (ke gore, setlankana sa mokgaokakgang sa Molawana wa boitshwaro) e tshwanetse go "setlankana sa tumallano"; ke gore ditlhopha tsotlhe kgotsa banna-le seabe ba tshwanetse go dumallana.
Dikolo di le pedi ga di tshwane, ka jalo ga oa tshwanela fela go kopolola molawana go tswa kwa sekolong se sengwe. Sekolo sengwe le sengwe se tshwanetse go itlhamela molawana wa sona. Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo o tshwanetse go akaretsa maloko otlhe a sekolo mo tirong ya dipuisano, mme o ba o tlhagisa molawana o o ikemetseng ka boona wa baithuti mo sekolong sagago. Molawana o tshwanetse go tlamela ka ditsela tse di matshwanedi tsa gore baithuti ba kgone go tlhagisa dingongorego tsa bone, gammogo le metheo ya tsamaiso ya kgalemo. Seno setlhalosiwa moragonyan mo karolo 1 ya karolo eno.
Morago ga gore melawana e amogelwe ke maloko a sekolo, Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo o tshwanetse go tlhomamisa gore monna-le-seabe mongwe le mongwe o amogela khopi ya setlankana sa molawana ngwaga mongwe le mongwe melawana e tshwanetse go sekasekiwa, mme go buisanngwe le batsayakarolo fa go na le diphetogo tse di tshwanetseng go diriwa.
Tona ya bosetshaba ya thuto ke bothati ba makgaolakgang motaolong le mo kgalemong ya baithuti, fela go tlhokega gore mokgatlho-tsamaiso mongwe le mongwe o tiise gore go nna le kgalemo mo sekolong sa ona.
Melawana ga ea tshwanela go nna fela ditaolo tse di patelediwang batho.
Melawana e tshwanetse go itshetleega mo metheong le mo ditumelong tseo maloko a sekolo a di tshegetsang.
Go itshetleega mo tumallanong magareng ga batsayakarolo ba ba maleba.
Go tlamela ka kikgakololo tsa boitshwaro le go tlhoma ya boitshwaro ba setho.
Kgolagano magareng ga ditshwanelo tsa baithuti le maikarabelo.
Molaotheo wa Afrika Borwa, molao 108 wa 1996, o akaretsa "molaotlhomo wa ditshwanelo". Ditshwanelo tseno ke motheo wa "molawana" wa mmuso o montshwa wa Afrika-Borwa. Mmuso o solofeditse go rulaganya setshaba ka tsela e e tiisang ditshwanelo tse di latelang tsa moagi mongwe le mongwe. Kitsiso ya gore tshwanelo ya thuto, ke nngwe ya ditshwanelo tsa gago tsa motheo.
Ka tatobalo, "tshwanelo ya thuto" e kaya eng?
ya thuto ya motheo, go ajarediwa thuto ya motheo ya bagolo; le thuto e e kwa pele e e thlalosang ka dikgato tse di utlwalang gore e tshwanetse gonna teng le go fitlhellelwa.
Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go amogela thuto ka leleme la semmuso kgotsa maleme a a itlhophetsweng ke bona mo ditheong tsa thuto tsa setshaba, koo e leng gore thuto eo ea kgonega.
kgonego; le tlhokego ya go siamisa ditlamorago tsa ditiro le melao ya nako e e fetileng ya kgethololo ya mmala.
Tshwanelo nngwe le nngwe e tsamaya le boikarabelo. Ditshwanelo le maikarabelo di tsamaya mmogo-go tshwana le matlhakore a le mabedi a papetlana e e=lenngwe ya madi. Re tlile go dirisa motheo o gosimolola go thala molawana wa boitshwaro wa baithuti.
Go na le ditsela tse di farologaneng tsa go kwala molawana. Go botlhokwa go gakologelwa ditshwanelo fa o nagana ka melawana ya boitshwaro. Melawana ya boitshwaro e itshetleegile mo ditshwanelong le mo maikarabelong ka bobedi.
Ga go na dilemana tse di nepagetseng kgotsa tse di fosagetsemg mo molawaneng.
Ya go rutiwa mo tikologong e e lolameng mme e bile e na le kgalemo.
le maikarabelo a go nna le tirisano mmogo le tlhokomelo mme a seke a senya dithuto kgotsa go kgoreletsa baithuti ba bangwe. O tshwanetse a nne le boikgalemo mme a itlame ka kgatelopele ya botlhe ya botlhalefi.
Moithuti mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go tsholwa ka tsela e e siameng le maikarabelo a go katoga mokgwa monge le mongwe wa thumalano kgotsa boitshwaro go bogisa ba bangwe. Tlotlo e tshwanetse go bontshiwa botlhe ba ba tshotseng maemo a bothati, mogokgo, barutabana, baithuti, tsamaiso le batlhankela ba bangwe.
A go bontsha kgotlellelano le go naganela batho ba bangwe. Ga a tshwanela go tshosetsa kgotsa go sotla ba bangwe, le go leka go fapasetsang ba bangwe mo ditumelong tsa gagwe.
Ya go dira gore ditiro tsa sekolo le dithuto di simolole ka nako.
A go reetsa le go nagana ka dikgopolo tsa ba bangwe.
Ya go tlhagisa dikgopolo tsa gagwe ka tsela ya tlotlo le e e bonolo.
A go reetsa le go nagana ka dikgopolo tsa ba bangwe.
Ya go ungwa gotswa mo go seo sekolo se tumileng ka sona le mo didirisweng tse di farologaneng seo di tlamelwang ke sekolo.
A go tlotla le go boloka didiriswa tseo, go tshegetsa ditumelo tsa sekolo le go itshwara ka tsela eo e leng gore e ka seke ya diga seriti sa sekolo. Seno se direga mo maemong mangwe le mangwe moo moithuti a apereng diaparo tsa sekolo teng, kgotsa ka tsela nngwe le eo a ka tlhalosiwang ka yona e le moithuti wa sekolo.
A go bofiwa ke melao ya boramotshameko bo bo siameng mo lebaleng la metshameko le dikamano tsa gagwe le dikolo tse dingwe kgotsa se setshaba, le go bontsha botshepegi le boitlamo mo ditlhopheng, mekgatlho le dikomiti tse a itlamileng go di tshegetsa.
Ya go sireletsega ka boene le thoto le maikarabelo a go tshegetsa boithwaro ba botshepegi le tshireletso mo sekolong, go bontsha tlotlo mo dithotong tsa ba bangwe, mme a sa senye, a sa tladike, a sa utswe kgotsa ka tsela e nngwe a sa kgoreletsanye le thoto e e seng ya gagwe.
Ya go dira mo tikologong e e itekanetseng le e e senang leswe le maikarabelo a go tiisa gore setsha sa sekolo setsholwa se le phepa e bile se itekanetse, mme gape go seke ga tladiwa leswe, ga tladikiwa mabota kgotsa go senya ka bomo.
A go tiisa gore tirogae kgotsa tiro e nngwe ya sekolo di a konosediwa le go romelwa ka nako.
Seno ke sekao sa Molawana wa boitshwaro wa baithuti mo sekolong se segolo (High School). Ga o rebolwe jaaka molawana o o "feletseng", fela jaaka sekao l(ke gore ke sekao se re ithutang go tswa mo go sona.) Sekao seno se theilwe go tswa mo molawaneng o o thadilweng ke Sekolo se Segolo sa Barnato Park, e leng sekolo se se mogare ga Johannesburg.
Maloko a sekolo sag ago a ka nna a buisana ka molawana o o sa tshwaneng le e mengwe. Gape molawana wa boitshwaro wa baithuti mo sekolong sa porasmari o ka nna bonolo.
Gakologelwa, sekolo sag ago se tshwanetse go itlhamela molawana wa sona. Sekao seno se ka go thusa, fela o seke wa se kopolola. Fa o ka se kopolola, se ka seke sa dira! Baithuti bag ago ba tshwanetse go nna le molawana o e lengwe bona gore o tle o nne le tlhotlheletso e e nayang tshepo mo maitlhomong a bona le boitshwaro.
Sekao se se tletseng sa Molawana se akareditswe mo ditsebeng tse di latelang.
O akaretsa ditumelo tse di tlamelwang ke Molaotheo gammogo le Molao wa dikolo wa Afrika Borwa.
Ke molawana o o "tshepegang".
Fa o akaretsa karolo mo ditaolong tsa Sekolo, ke go feta lennane la ditaolo.
Molawana ono o naya mmadi tlhaloganyo e e tiileng ya ditumelo, dikgopolo tsa setho, le mowa wa go tlotlana mo sekolong.
Thuto ka botlalo: Meriri e e tshosang ya "Dreadlocks."
Kgang eno e theilwe mo tiragalong ya nnete mo sekolong sa mo Gauteng. Mogokgo wa Sekolo se Segolo sa somewhere o ne a setse a utlwile. Sekolo se ne se na le molawana wa boitshwaro, mme mo go one molawana oo, go akareditswe ditaolo tsa go apara, go akarediwa melawana ya disetaele tsa meriri. Setlhopha sa basimane se ne kgabetsakgabetsa se sa obamele ditaolo mme setla ka meriri ya "di-dreadlock" kwa sekolong. Fa a ne a swetsa ka go tsaya kemo mo temakgannyeng e, mogokgo o laotse gore ba ye gae mme ba boe fela fa ba dirile setaele se se siameng sa moriri.
Batsadi ba basimane bao ban e ba tuka bogale, ban e ba golagana le mokhuduthamaga gammogo le diseteisene tsa diyalemowa, mme mokhuthamaga o ne a laola mogokgo go amogela basimane gape, go sa kgathalesege setaele sa bone sa moriri. O boleletse mogokgo gore batsadi ba basimane ba kaile fa e le ma-rasta, mme e bile setaele sa bone sa moriri se tsamaelana le ditumelo tsa bone tsa sedumedi. Ka jalo go ba tlhotlholola mo sekolong e ne e le go kgoreletsanya le kgololosego ya bona ya sedumedi.
Eno e ne gape e le kganetsano ea e neetseng fa ban e ba buisana le ene mo seyalemoweng sa bosetshaba. Mmega dikgang o supile gore kgotlhatshekelo ya molaotheo e ne e dira katlholo mo tirisong ya motokwane ke ma-rasfarians, mme ya botsa mokhuduthamaga gore a o ne a tla letlelela basimane go goga motokwane mo sekolong kgotsa nnyaa, fa kgotlatshekelo e kaba e sekametse ka fa letlhakoreng la bona fa e ne e dira katlholo. Fa mokhuduthamaga a araba ka gore o ne a ka seke mmegadikgang o ne a mo latofatsa ka go nna molato wago kgoreletsanya le ditshwanelo tsa basimane jaaka mogokgo. Ga a ka a nna le karabo kgotsa phemelo kgatlhanong le tatofatso.
f. romela khopi e e tlhatlholilweng ya kanego ya ngwaga le ngwaga ya matlotlo go lefapha la thuto la porofensi ka bonako jo bo kgonegang kgotsa dikgwedi di le thataro morago ga bokhutlo ba ngwaga wa sekolo, le go neela batsadi dikhopi kwa kopanong kakaretso ya ngwaga le ngwaga ya mokgatlho-tsamaiso; le g. go baakanya tekanyetso kabo ya ngwaga le ngwaga ya sekolo koo madi a a tla kaiwang ka tlhomamo. Kabotekanyetso e ya go bewa mo tafoleng le go amogelwa ke bontsi ba ditlhopho tsa mokgatlho wa batsadi kwa kopanong kakaretso ya ngwaga le ngwaga ya mokgatlho-tsamaiso.
Go ntshiwa ga setlankana a. Ditlankana di ntshiwa go yha ka go latelana.
b. E e fa godimo e neelwa moduedi mme ya sebedi/kwaleletsi ea sala.
c. Dintlha ka botlalo di tshwanetse go konosediwa, ka enke e tala/ntsho ka mokwalo o o bonalang.
d. Ditlankana di tshwanetse go nna le dintlha tse di latelang mo go tsone.
Letlha leo tuelo e diriwang ka lone.
E tshwanetse go kwalwa ka mafoko le ka dipalo.
iv. Lebaka la tuelo le tshwanetse go tlhagisiwa, sk. Leeto, madi a metshameko.
vi. Leina le tshaeno ya moamogedi.
vii. Setempe sa sekolo mo go sona.
e. Ga go diphetogo dipe tse di tshwanetseng go diriwa mo setlankaneng sefe kgotsa sefe. Fa go ka direga phoso se tshwanetse go phimolwa ka go kwala lefoko "PHIMOTSWE" go ralala sentlankana se se fa godimo le sa sebedi.
f. Setlankana se tshwanetse go ntshediwa kgoboko nngwe le nngwe ya madi e e amogetsweng, le malebana le madi a lefetiso.
g. Setlankana se sentshwa se tshwanetse go ntshiwa fa e le gore tsheke e e gannweng ke banka e ka beelediwa, mme tuelo ya tsheke e e fa godimo e tshwanetse go busediwa morago mo bukeng ya kwalelotlotlo.
h. Mo lebakeng la fa tsheke e tlotswe ke nako, setlankana se tshwanetse go diriwa fela fa madi ao a ka fitlellelwa. Ditsheke tsa mothale o o di tshwanetse g bolokiwa mo polokelong ya sekolo kgotsa lefelo le le bolokesegileng le le tshwanang le leo go fitlha di beelediwa mo akhaonteng ya sekolo.
Buka ya ditlankana e tshwanetse e kgaoganngwe ka enke e khibidu nako fa madi a beelediwa. Letlha, metseletsele ya dipale tsa ditlankana mme palo ya madi a a bolokilweng di tshwanetse go supiwa sentle. Tekatekanyo e e tshwanang le e tshwanetse go diriwa mo dipegong tsa polotlotlo, ka totobalo mo kwalelotlotlong ya dintlankana, pela ga fa madi a beelediwa.
Go beelediwa ga madi a. Ditlankana tsa go beeletsa di tshwanetse go tladiwa ka tshwanelo mme madi a tshwanetse go lekalekana le a mo kwalelotlotlong ya ditlankana.
b. Mogokgo le motlhankela wa matlotlo ke bona ba rweleng maikarabelo a go beeletsa madi otlhe.
c. Dithulaganyo tsa go beeletsa madi di tshwanetse go fapaana go fokotsa kotsi ya go latlhegelwa ke madi ka kgotoso. Motlhankela wa matlotlo kgotsa mogokgo ba tshwanetse go tsamaisa madi a a yang go bolokiwa ba patilwe tsela ke maloko a a farologaneng a batlhankela nako e nngwe le e nngwe.
d. Go tshwanetse go diriwa dithulaganyo tsa go bona kanego ya banka moletsatsing la bofelo la kgwedi e nngwe le e nngwe.
e. Sekolo se tla dira fela ka akhaonte ya tsheke.
Dituelo a. Ga go leloko lefe le le ka saenang tsheke e e senang sepe ka fa tlase ga mabaka afe kgotsa afe.
b. Dituelo tsotlhe tse di diriwang mo boemong ba sekolo, kwa ntle ga sekgwamana, i tshwanetse go diriwa ka tsheke e e kgabagantshitsweng ka mela.
c. Go tshwanetse go saene batho ba le bararo mo akhaonteng, mme ba le babedi ba ka saena ka nako e lenngwe.
Pego ya matlotlo a. Ngwaa wa matlotlo wa sekolo o simologa ka ferikgong go fitlha sedimonthole a tlhola malatsi a le 31 ngwaga le ngwaga.
b. Dipego tsa matlotlo tsa ngwaga le ngwaga le tsa kgwedi le kgwedi di ya go akaretsa lotseno lotlhe le ditshenyegelo gammogo le kanego ya tshalelo mo akhaonteng ya banka.
c. Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo o tla bitsa kopano magareng ga phukuri le ngwanatseele ngwaga le ngwaga go neela pego ya matlotlo ya sekolo.
d. Kanego e e tlhatlhobilweng ya matlotlo e tla neelwa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo mo dikgweding di le pedi morago ga bokhutlo ba ngwaga wa ditshelete.
e. Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo o tla supa mankge yo o matshwanedi go tlhatlhoba dibuka, fa fela motho wa mothale yoo e se karolo ya mokgatlho-tsamaiso wa sekolo.
Tekanyetso a. Tekanyetso kabo e tshwanetse go thadiwa ke mokgatlho-tsamaiso wa sekolo kgotsa (a) Batho ba ba tshwanetseng mme ba neetswe maatla ke mokgatlho-tsamaiso wa sekolo.
b. seno se tshwanetse go neelwa kwa kopanong kakaretso ya ngwaga le ngwaga, gore e amogelwe e bile e rebolwe ke batsadi.
c. Kopano eno e tla tshwarwa magareng ga phukwi le ngwanatseele ngwaga le ngwaga.
d. Go tla nna le kgolagano e e bonalang sentle magareng ga tlhagiso ya tiro le tekanyetso kabo ya sekolo. Ditiro tsotlhe tsa sekolo di tshwanetse go golagana le maikaelelo a a fetang bongwe a tlhagiso ya tiro.
e. Tekenyetso kabo e tla thadiwa f fela maikaelelo a sekolo a ngwaga a setse a supilwe.
f. Makoko otlhe a a nang le kgatlhego, segolobogolo batsadi ba baithuti ba ba kwadisitsweng mo sekolong, ba tshwanetse go letlelelwa go sekaseka le ebile go tshikinya diphetogo mo tekanyetsokabong ya sekolo.
g. maikarabelo a taolo ya tekanyetsokabo a mo magetleng a mokgatlho-tsamaiso wa sekolo. Mo taolong ya letsatsi le letsatsi maikarabelo ano a sikarwa ke motlhankela wa matlotlo, mogokgo, tlhogo ya tiro le/kgotsa barutabana ba diphaposi.
h. Tekanyetso kabo e tla thadiwa go tsamaisana le maikemisetso a lefapha.
Sekolo se ya go amogela maano a a latelang go oketsa lotseno lo lo leng teng.
Gantsi koketso matlole e e lebisitsweng kwa malokong a sekolo e gogela metswedithuso ya ka bonako ya batsadi, barutabana le bana ba sekolo. Gantsi ke morero o o maikutlo-tlase o o tswelelang pele koo dipalo tse dinnye tsa madi di okediwang teng. Gantsi ga madi a le matsi a mantshwa a a tlhagisiwang ka tsela e e jaana, mme ka jalo maiteko a go oketsa motlole a akaretsa maloko a sekolo mo ditirong tse di jaaka go ja le go itumela, le gore batsadi ba amege. Sekao, bana ba botlhe batlhoka dijo le dino motshegare, fela fa e le gore ba direka kwa sekolong gose na le kwa supamaketeng, selo se a boelwa. Sephiri sa go atlega ga ditiro di le dintsi tsa koketsomatlole mo kgaolong e se bonolo thata. E ka nna gore ditiro di mosola kgotsa di gapa kgatlhego le mogopolo wa maloko a sekolo. Ka mantswe a mangwe di otla-otla mo ditorong le mo maikaelelong a batsayakarolo, kgotsa go tlamela batho ka tshono go tlhabologa le go agisana.
Bothata bo bo diregang kgabetsa kgabetsa ka koketso matlole mo malokong a sekolo ke gore e akaretsa mekgatlho e le mentsi, fela gantsi ga e oketse madi a le mantis. Malebana le barutabana ba bangwe le batsadi go bonala seno se tshwanela maiteko ao. Go tlaleletsa, madi a nyelela gantsi mo sekgwamaneng sa akhaonte ya sekolo mme e dirisiwa mo ditlhokegong tsa letsatsi le letsatsi, pele a ka dirisediwa lebaka le le neng le ikaebetswe. Le fa go le jalo mathata ano a ka fenngwa. Dikolo di le dintsi di fitlhetse e le gore koketso matlole e dira botoka fa din a le porojeke e e bonalang sentle e bile e ke bona katlego, pele ga f di ka rulaganya tiragalo ya koketsomatlole mo malokong a sekolo. Go mosola gape go supa motho a le mongwe yo o yang go rwala maikarabelo a palotlotlo e e siameng, mme madi a tshwanetse go dirisiwa mo projekeng eo ka bonako jo bo kgonegang. Ka tsela eo sekolo se ya go nna le maikutlo a katlego mme e bile dikgoboko di le dinnye tsa madi di ka ketekima jaaka katlego. Mofuta ono wa koketso matlole o santse o naya sekolo sebaka sa go tlhabolola ponelopele e e tlwaelegileng ya tokafatso ya sekolo. Jaaka ditiro di le dintsi di le ka bonako e bile di le bonolo go ka rulaganyega, di tlisa katlego ya ka bonako, mme e bile di dira gore batsayakarolo ba nne mafolofolo go gatela pele go dira mmogo malebana le go dira sentle ga sekolo.
Kgato 2 Thal tekanyetso kabo le nako ya porojeke eo.
Ke kgato efe ya koketso matlole eo tla e tlhophang?
Ke bomang ba ba yang go amega?
O batla bokae kwa pele?
O ya go se dire leng?
Kgato 5Dirisa madi mo porojekeng ka bonako jo bo kgonegang.
Kgato 7Maano a mangwe gape, dikakanyo Ditiro?
Dikgwebo tse dingwe di fisegela go etleetsa dikolo jaaka karolo ya tsona ya manaane a maikarabelo a loago, fela dikolo di ka seke tsa thola di solofela go neelwa fela. Fa sekolo se batla thuso, se tshwanetse se bontshe gore se ipaakanyeditse go leka go ithusa pele.
Maiteko ano e ka nna ka mokgwa wa tiro, sk. Batsadi ba thusa ka go tlhokomela sekolo, gammogo le ka dikgato tse dingwe tsa koketso matlole. Dikgwebo ga se tsone fela metswedi e e kgonegang ya madi a dikolo, go ka nna ga iwa kwa go bone malebana le thuso ya dinonofo tse di riling, sekao, go thusa ka togamaano ya matlotlo.
Fa e le gore o kgonne go kokoanya matlole, netefatsa gore o kgona go busetsa sengwe go moetleetsi wagago goe le kgone go tlhama kgwebisano ya nnete. Fa o dira maiteko a go tsholetsa letlhakore la gago la kgwebisano, botsalano bo tla nna bo somarelegile mo isagong.
Dira gore khwaere ya sekolo sag ago kgotsa setlhopha a gago sa metshameko se diragatse kwa ditirong tsa setlamo.
Bua le dikemedi tsa setlamo malebana le thuto le katiso.
Rebolela bathapiwa ba setlamo katiso ya kitso ya motheo le/kgotsa dipuo.
Atlanegisa baithuti ba bangwe malebana le go thapiwa mo setlamong.
Bua leina la motswedithuso o montshwa morago ga moabi, sk. Tikwatikwe ya bophasalatsi ya Shell.
Neela moabi sesupo se se kgatlhilweng (foreimilweng) sa tiro ya botaki ba baithuting.
Go na le ditsela di le dintsi tsa go legoga moabi, yo o tla mo tlhophang o tla ikaega mo seriting sa sekolo sag ago. Ga se dikgwebo tsotlhe tse di nang le kgatlhego mo go tlhameng kikgwebisano tse di tiileng le dikolo. Fa e le gore o neelwa fela kwa ntle ga tuelo mme batlhankela ba setlamo ba se ipaakanyetsa go neela sekolo lsa gago nako ya bona kgotsa dinonofo, boitlhomo ba setlamo bo tshwanetse go botsolodiwa.
Jaaka batshegetsi ba mtlole ba amogela makgokgolo a dikopo tsa tshegetso ka matlole ngwaga le ngwangwa mme ba kgona fela go araba di le mmalwa, tlhopha motshegetsi wa gago wa matlole ka tlhokomelo.
Batshegetsi ba matlole ba tlamela ka mefuta e e farologaneng ya thuso: matlole, thuso ya dilwana, batlhankela, tshedimosetso, ditirelo, katiso kgotsa thuso ya botegeniki.
Batshegetsi ka matlole ba ka dira fela mo dikgaolong tse di totobetseng tsa thutafetshe, kgotsa ba lebelela thata thuto e e riling (sk. Thuto ya mmetshe).
Bontsi ba batshegetsi ka matlole ban a le diforomo tsa bona tsa dikopo gammogo le ditsamaiso. Kopa diforomo kwa batshegetsing ba matlole.
Fa o dira dikopo tsa tlhokego e e tshwanang kwa batshetsing ba le mmalwa ba matlole, netefatsa gore o kwale seno mo tlhagisong ya gago.
Tlhomamisa gore ke nako e e siameng ya ngwaga ya go romelela tlhagiso ya gago.
Go naya kakanyo ya nako ya porojeke eo.
Go tlhalosa gore o tla lekanya jang dipholo.
Mo karolong eno o tshwanetse go tlhalosa kgato ya gago ya maano. Baya mo lenaaneng ditiro mme o tlhalose gore banna-le seabe mo sekolong sag ago bay a go amega jang mo porojekeng. Neela dithutego tsa batlhankela ba ba amegang mo porojekeng. Supa gore ke kantlha ya eng fa o tlhopile mokgwa o o riling wa go sekaseka bothata. Neela maina a dikolo tse dingwe tse di mekamekaneng le mathata a a tshwanang le ano ka katlego.
O kopa madi. Ka jalo seno ke ntlha-kgolo ya tshikinyo ya gago. Bontsha gore oa batla mme e bile o balletse tekanyetsokabo ya nnete.
Tekanyetsokabo ga ea tshwanela go nna bokete ka megolo. E tshwanetse go bontsha kabo e e kwa godimo ya bajaboswa. Ka thaw lo ditekanyetsokabo di baakanngwa sebaka sa ngwaga, mme di tshwanetse go aroganngwa go ya ka "Lotseno" le "Ditshenyegelo."
Batshegetsi ka matlole ba batla go itse gore sekolo sa gago se tla kgona go tsweletsa porojeke kwa ntle ga tshegetso e nngwe ya matlole. O ka nna wa kgona go tlhagisa matlole go tswa mo mading kgotsa ka thuso go mo malokong a sekolo. Sekao, o ka nna wa hirisa ntlolehalahala ya gago mo bokhutlong ba beke go dira ditiro tse di rileng, mme o tlhagise lotseno la go feleletsa tuelo ya kadimo. Ga go tlhokege gore o akaretse karolo ya tshegetso motshikinyong ya gago fa e le gore ke ntlhana e e diregang gangwe fela jaaka fotokhopi le khomputara. Le fa go le jalo, fa e le gore o oketsa matlole a mini-buse o tshwanetse go supa gore o ikaelela go lekanyetsa madi jang a go tlhokomela mini-buse. Fa e le gore porojeke ya gago e ka seke ya lekana ka boyone, (sekao, lenaane la phepo) tlhalosa mabaka o ba o dirise dipalopalo go bontsha gore ke kantlha ya eng.
Tshekatsheko ya porojeke e tshwanetse go tlhomamisa gore sekolo sag ago se kgonne jang go bona katlago mo maikaelelong. Fa e le gore o na le maikaelelo a a bonalang sentle a a kgonang go ka lekanyediwa, jaanong tekanyo ya tshekatsheko ya gago e bonala sentle.
A maikaelelo a fitlheletswe?
Ke mangy o o yang go dira tshekatsheko?
Tshedimosetso e ya go tlhokega leng gore tshekatsheko e tsewe?
Dintlha tsa madi a a mo banking gammogo le matlole a a beeleditsweng.
Kanego ya ditshenyegelo tsa kgwedi le tsa ngwaga go fitlha ga jaana.
Sekolo sa poraemari sa Vela Langa ke sekolo se sennye kwa pabalello gaufi le Upington . Jaaka bontsi ba dikolo mo kgaolong eo, sedirela morafe oo dikolo di magetleng. Batsadi gab a tseye karolo thata mo botshelong ba sekolo, mme ba solofela barutabana go ba tlhokomelela bana. Go santse gape go na le dikgwetlho tse dingwe. Sekao, go thuta go ruta mo pakeng ya selemo, fa gantsi ditemperatshara di le magareng ga somaamararo le somaamane.
Nako ya fa Rre Hlom a simolola porojeke ya gagwe ya koketso matlole mo sekolong, o ne a na le maikaelelo a le mabedi a a bonalang sentle motlhaloganyong. O ne a batla go ruta bana ba gagwe ba kereiti ya bo 7 dinonofo tsa palotlotlo ya motheo mme e bile o ne a batla go reka difoki go tshola phaposi ya gagwe e le tsiditsana selemo. O ne a simolola ka maikaelelo a gagwe a ntlha mme a simolola go ruta bana ba gagwe dinonofo tsa palotlotlo. O ne jaanong a kopa bana botlhe go kokoanya mabotlolo a a lolea a dibiri kgotsa dinotsididi sebaka sa beke yotlhe, mme e rile ka Mosupologo mo mosong ba simolola go dirisa dinonofo tsa bona tse dintshwa mme ba kwala fa fatshe gore ke mabotlolo a le makae a a tlisitsweng, mme ba kwala fa fatshe gore ke mabotlolo a le makae a a tlisitsweng, mme e bile ke madi a a kanakang a a tlileng go beelediwa momabotlolong ao. Moragonyana rre Hlom o ne a busetsa mabotlolo kwe lebenkeleng, a bona madi a peeletso mme a ba a buisana le bana ba gagwe, goe ba ka dirisa jang "madi a tshimologo" a bona go tlhagisa matlole a mangwe.
Phaposi e ne ya swetsa go dirisa madi go reka ditswaki tsa dikuku le go rekisa dimonamone kwa sekolong. Le gona foo bana ba kwadile fa fatshe lotseno le ditshenyegelo mo dibukeng tsa bona tsa palotlotlo mme ba bo ba simolola go rulaganya thekiso. Thekiso e bone katlego e kgolo mme poelo ya bona ya oketsega. Bana bane ba swetsa go boeletsa ditiro tseo makgetlo a le mmalwa.
Phaposi e neetse batho ba ba farologaneng ditiro tse di farologaneng. Mosupologo mongwe le mongwe bana ba bangwe ba ne ba kokoanya, ba kwala fa fatshe le go ballela lotseno go tswa mo mabotlolong a dibiri, fa ba bangwe ba mekamekana le dithekiso tsa ditswaki, dikuku le dimonamone. Setlhopha se sennye se kopilwe go batlisisa ka tlhwatlhwa ya difoki tsa sileng le go rulanya tekanyetso kabo ya go reka difoki tse di lekaneng go tshola phaposi e le tsiditsana.
Fa re nagana kwa morago kwa porojekeng rre Hlom o tlhagisa mabaka a a dirileng gore e bone katlego: "Bana ba bontshitse boitlamo. Ban e ka nnete ba ipatlela difoki tsa mo sileng, mme ban e ba itse sentle gore ba tshwanetse gore ba dire eng go fitlha koo. Ga go opeyo o kopilweng go neela sengwe se a sa se tsholong. Ka go kokoanya mabotlolo, re dirisitse se re neng re na le sona go retswela masola. Re fetogile go tswa mo go nneng bakopi ba ba itsholelang go ya go batho ba ba arogantseng toro. Seo se dirile gore bana ba botlhe ba ikutlwe ba gololo segile mme ba tlala mafolofolo. Palotlotlo le yone e ne e itumedisa. Ka dinako tsotlhe bana ban e ba bala madi a bone mme ban e ba kgona go bona gore batokafala jang! Nna ka bonna, ke dumela ka nnete gore go ne go le botlhokwa gore go lebelelwe porojeke go na le madi. Ke kgonnego bona ka moo palotlotlo e tsentseng tlhaloganyo ka bonako mo go bone ka teng. Ke kgonne go bona ka moo ba simolotseng ka teng mme ba dira jaaka setlhopha. Bana ba ne ba tokafala ka dinako tsotlhe. Dilo tsotlhe tseo di intumedisitse jaaka morutabana. Ke ka moo ke sekileng ka tshwenyega ka tiro yotlhe e e oketsegileng."
Go fitlha ga jaana re kgonne go batla baabi ba ba solofeditseng pente e e lekaneng diphaposi tsotlhe, fela ga re akaretsa paakanyo ya matlhabaphefo.
Re ya go tlamela ka pego e e nang le dintlha ka botlalo gore madi a dirisitswe jang, mme e bile re ya go go laletsa go tla mo sekolong fa matlhabaphefo a baakantswe, gore o tle o bone gore go diregile eng ka madi a gago.
Re solofela go simolola ka porojeke mo kgwedi ya Mopitlwe mme re e konosetse mo kgweding ya Motsheganong, 1998, fela pele ga mariga.
Thekiso ya dilwana: Barutabana ba kokoanya dilwana tse di sa batlegeng go tswa mo diphaposing tsotlhe. Thekiso e yha go tshwarwa ka kgwedi ya Mopitlwe e tlhola malatsi a le 19. Mo letsatsing leo go tla be go na le ditafolenyana tsa dijo tse di tla beng di rulagantswe ke batsadi, tseo di tshwanetseng go dira madi a a kana ka R500 kgotsa R600. Re solofela go dira R900 go tswa mo dilwaneng tseo.
Mmino wa sekolo: BAna ba kereiti ya 7 ba rulaganya seno le barutabana ba bona go direga moranang a tlhola 10. Go ya go nna le madi a tseno a R5, mme dikuku le dinotsididi di ya go rekisiwa ke batsadi. Re solofela go dira R500 maitsiboeng ano. Mmino o ya go tlamelwa ntle le tuelo ke okese/bente e e tsamaisiwang ke mongwe wa basimane kereiti ya bo 4.
Matlhaba-phefo: Batsadi le barutabana bay a go kgomolo matlhaba phefo a a thubegileng mme ba bob a feela digalase ka Moranong a tlhola 24.
Re ka anaanela fa galase e ka tse nngwa go sale gale mo kgweding ya Motsheganong, goe poti e kgone go oma mme matlhabaphefo a pentiwe pela ga bokhutlo by Motsheganong.
Ka kopo lebelela ditlhwatlhwa di le tharo go tswa kwa ditlamong tsa digalase, gammogo le lekwala la tshegetso go tswa go mogokgo, Sr. Avila.
<fn>tsn_Article_National Language Services_GO BAYA BATHO PELE.txt</fn>
Ditherisano Baagi ba tshwanetse go itsisewe ka ga maemo le boleng jwa ditirelo tsa setšhaba tse ba di amogelang mme, mo go kgonagalang, ba tshwanetse go neelwa tlhopho ka ga ditirelo tse ba neelwang tsona.
Maemo a Ditirelo Baagi ba tshwanetse go bolelelwa gore ke maemo le boleng bofe jwa ditirelo tsa setšhaba tse ba yang go di amogela gore ba kgone go lemoga gore ba solofele eng.
Phitlhelelo Baagi botlhe ba tshwanetse go fitlhelela ditirelo ka go lekana tse ba tshwanetseng go di amogela.
Bopelonomi Baagi ba tshwanetse go tsholwa ka bopelonomi le tlhokomelo.
Tshedimosetso Baagi ba tshwanetse go neelwa tshedimosetso ka botlalo, e e nepagetseng ka ga ditirelo tsa setšhaba tse ba tshwanetseng go di amogela.
Go baya dilo mo pepeneneng le go tlhoka sephiri Baagi ba tshwanetse go bolelelwa gore mafapha a bosetšhaba le a porofense a tsamaisiwa jang, a bitsa bokae le gore ke mang yo o laolang.
Go siamisa Fa maemo a tirelo a a tshepisitsweng a sa abiwa, baagi ba tshwanetse go kopiwa tshwarelo, go neelwa tlhaloso ka botlalo le paakanyo ya ka pele e e siameng;gape fa dingongorego di diriwa, baagi ba tshwanetse go amogela karabo ya nnete ya kutlwelobotlhoko.
Boleng jwa tšhelete Ditirelo tsa setšhaba di tshwanetse go tlamelwa ka tshomarelo le ka tshwanelo go neela baagi boleng jo bo botoka jwa tšhelete ka mo go kgonegang.
<fn>tsn_Article_National Language Services_GO ITEKANELELA BOTSHELO.txt</fn>
Go na le malwetse a le mantsi a re a bonang go tswa batsading ba rona le bontatemogolo le bonkoko. Go na le go gonnye kana ga go na sepe se re ka se dirang go thibela malwetse a.
Le gale, go na le malwetse mangwe a re a bonang ka ntlha ya mokgwa o re tshelang ka ona.
sa je dijo tse di siameng sa tlhokomele mebele ya rona re ka nna ra bona malwetse a.
Ona a bidiwa malwetse a mokgwa wa botshelo.
Bukana e, e neela tshedimosetso ka dilo dingwe tse o ka di dirang go thibela malwetse a.
Gakologelwa, ke mmele wa gago. Boitekanelo jwa gago bo mo diatleng tsa gago. Ka jalo itlhokomele.
Bukana e, ka Go nwa ka Tlhaloganyo ke nngwe mo molokolokong wa dibukana.
Go tshola meno le legano la gago di itekanetse.
Ke tlhopa go se dirise motsoko.
Nnotagi e ka ama boitekanelo jwa gago mo go sa siamang.
Go nwa thata mo nakong e telele go ka senya mmele wa wa gago mo go maswe mo o ka se tlholeng o nna botoka.
Phepelotlase: Go na le dikotla di le mmalwa mo nnotaging. O ntse o ka nna o sa itekanela fa o nwa nnotagi kgabetsa kgabetsa mme o sa je. Seno se kaya gore o ka lwala mme wa ikutlwa bokoa gantsi.
Tshenyego ya boboko: Nnotagi e diegisa go akanya ga gago. Morago ga nako e telele, nnotagi e tla ama gape ka fao boboko jwa gago bo dirang ka teng.
Pelo: Go nwa go ka isa kwa pelo ya gago e dirang ka natla mme wena wa swa ka bolwetse jwa pelo.
Kankere: Nnotagi e ka isa kwa kankereng ya legano.
Sebete: Fa o nwa ka dinako tsotlhe, seno se tla tlhola tshenyego kwa sebeteng. Nnotagi e ka senya lebete, ya baka sukiri.
Go se tsogelwe: Sethwe sa monna sa thobalano ga se ne se dira sentle mme o tla nna le bothata mo go nneng le tsepamo.(bopele bo bo sekokoro).
Bosenyi bo bontsi le tiriso dikgoka di diragala gonne batho ba dirisa nnotagi botlhaswa. Batho ba nna le go itshwara go gonnye.
Mo dikotsing tsa ditsela tsotlhe tse mo go tsona batho ba swang, go ne ga fitlhelwa gore bontsi jwa bakgweetsi ba ne ba ntse ba nwa mme ba nole dino tse dintsi go feta ka fa go dumelelwang ke molao.
Batsamaya ka dinao ba le bantsi ba ba bolawang mo dikotsing tsa pharakano ba ka fa tlase ga tlhotlheletso ya nnotagi.
Dintsho tse di amanang le nnotagi le malwetse di bakela naga madi a le mantsi ngwaga mongwe le mongwe. Madi a, a ka dirisiwa botoka mo thutong, boitekanelong le mo dintlong.
Gakologelwa, gore dino tse di farologaneng di na le maemo a a farologaneng a nnotagi.
O ka itlhophela gore ke efe ya tse e o ratang go e nwa.
O tshwanetse gape o se ka wa nwa sepe fa o sa itse gore e na le nnotagi e e kana kang mo go yona. Seno se ka nna kotsi thata!
o nwa go ithabisa, mme o sa tseye go feta diyuniti tse 2 tsa nnotagi.
o sa nwe letsatsi lengwe le lengwe, ke gore, ga o dire go nwa tlwaelo.
o sa tswakanye dino tsa gago. Nwaa fela mofuta o le mongwe wa seno sa nnotagi ka nako.
o sa nwe o kgweetsa kana o tsamaya.
Morago ga diyuniti tse 1 - 2: O bua thata o nna matlhagatlhaga; pelo ya gago e betsa ka pele.
Morago ga diyuniti tse 3: Go kgweetsa ga gago go nna maswe; katlholo ya gago e nna bonya mme o ntse o ka tsewa ke sedidi.
Morago ga diyuniti tse 5: O ntse o ka se bone sentle; fa o bua, o tla bua mafoko ka go sa tlhapang; ga o kgone go tsiboga ka bonako.
Morago ga diyuniti tse 8: Ga o kgone go tsamaya o tlhamaletse e bile o tla latlhegelwa ke tekatekano; o ntse o ka bona gabedi.
Morago ga diyuniti tse 15 - 20: O fufulelwa thata mme o ntse o ka idibala.
Seno se bontsha gore o se ka wa nwa go feta diyuniti tse pedi. Ka diyuniti tse tharo fela, maitsholo a gago a a fetoga mme katlholo ya gago e bonya.
O se ka wa tsoga o nole nnotagi fa...
Fa o nwa...
O se ka wa tsoga o dumeletse batho go tlatsa galase ya gago pele e nna lolea. O ka se itse gore o nole go le kana kang.
O se ka wa tswaka dino tsa gago.
Nwaa ka iketlo. Pele o bona nno ya gago e e latelang, goduma galase ya metsi. Seno se tla fokotsa go nwa ga gago.
Tlhomamisa gore o jele sengwe pele ga fao. O se ka ka gope wa nwela mo maleng a a se nang sepe.
O se ka wa kgweetsa kana wa tsamaya. Bogolo bona sepalangwa se sengwe go ya gae.
O se ka ka gope wa letla ope go go gapeletsa go nwa fa o sa rate go dira jalo.
Motsadi yo o tagwang a ka nna le ditlamorago tse di maswe mo lelapeng. A ka nna a tla gae a tagilwe mme a lwa le maloko a lelapa la gagwe.
Motsadi yo o nnang a tagilwe a ka dirisa madi otlhe a legae mo bojalweng. Seno se tlogela lelapa le se na sepe go se dirisa mo dijong le diaparong, go isa kwa botshelong bo bo sa itumetseng jwa lelapa, le bo bo sa tsepamang.
Batho ba baša ba itshola ka ditsela tse di farologaneng fa ba nna le batsadi ba ba tagwang.
Ba ithuta go se tshepe bagolo.
Ga ba itlhalose maikhutlo a bona kana go bolelela ba bangwe ka mathata a bona.
Ba ntse ba ka simolola go dirisa botlhaswa dino tse di tagang le diritibatsi go leka go okobatsa matshwenyego a bona.
Ba tshelela mo letshogong la batsadi ba bona.
Ba ikutlwa ba ikarabela boitshwaro jwa batsadi ba bona mme ba ikutlwa ba le molato ka ntlha ya se.
Fa o tshela le motho yo o nwang thata, lebelela matshwao a mo lelapeng la gaeno.
ga ba esi- go na le ba bangwe ba bantsi ba ba nang le mathata a a tshwanang.
bona ba le esi ga ba ne ba kgona go thusa batsadi ba bona.
ga se bona sebakwa sa mathata a bona.
go na le batho ba ba ka buang le bona!
Fa batho ba baša ba sa rate go bua le motho yo mongwe mo lelapeng, ka jalo ngaka, mooki, morutabana kana tsala ba ka bo ba ka kgona go ba thusa.
Batho ba baša ba ithuta go nwa go tswa mo lelapeng le ditsaleng tsa bona. Fa o le motsadi, o tlhoka go bua ka phuthologo le bana ba gago ka nnotagi le ditlamorago tsa yona. Batho ba baša ba tla lekelela ka nnotagi, ka jalo, jaaka motsadi, o tlhoka go tlamela tikologo e e babalesegileng koo ba ka buisanang ka go nwa le wena.
Ruta bana ba gago, pele, go se nwe gotlhelele. Fa ba dirisa dino tse di tagang, ba rute go nwa go go babalesegileng le ga maikarabelo! Seno se tla ba thusa go dira ditlhopho tse di tshwanetseng.
O itse jang fa motho a na le bothata jwa go nwa?
Gog akanyang ba ka bo ba na le bothata jwa go nwa.
Kwa ntle ga fa o tlhomamisa gore ba kgaratlha go laola go nwa ga bona, o ka se kgone go ba thusa. Potso ke gore: O itse jang fa fa motho a nwa e seng ka maikarabelo?
A o nwa go le gontsi go feta jaaka a ne a dira, letsatsi lengwe le lengwe?
A o tsena mo dintweng fa a nwa?
A o nwa gonne a jewa ke bodutu, a tsupuetsegile le/kana a ikutlwa a imelegile?
A o ne a amegile mo kotsing gonne a ne a nole?
A o ntse a tlodisa go ya tirong malatsi a, ka ntlha ya papalasi?
A o dirisa nako e ntsi a nwa go na le go nna le nako le lelapa?
A o kile a betsa mongwe fa a ne a tagilwe?
A o nwa go feta jaaka a rata go dira?
Fa karabo go efe kana efe ya mathata a e le "Ee", o na le bothata jwa go nwa. O se ka wa leta go fitlha bothata bo etegetse.
Ke lenyalo la ga Zinhle. Ditsala tsotlhe tsa gagwe go tswa kgaolong di tlile moletlong wa gagwe. Go a opelwa, go a binwa le go nwa. Lebelela ditshwantsho fa tlase. Go na le dikao di le 10 tsa fa batho ba sa nweng ka tlhaloganyo. Di bolele. Tlhalosa gore ba tshwanetse go dira eng gore ba nne banwi ba ba nang le tlhaloganyo.
Motho yo o thekeselang; motho yo o idibetseng mo bodilong; motho yo o ntseng ka botlolo e e halofo fa pele ga gagwe; go lwa; motho yo o lebegang a lwala; mosadi wa moimana yo o nwang; motho yo o fopholetsang tsela ya gagwe go ya koloing ka botlolo mo letsogong la gagwe; mongwe yo o lebegang a utlwile botlhoko; mongwe yo o tshelang bojalwa mo memetsong ya batho ba bangwe; motho yo o nayang ngwana yo monnye nnotagi.
Fa o ka bo o eletsa go itse ka fa o ka nwang ka teng ka tlhaloganyo, lebelela tsebe 5 - 7.
Mo go nngwe le nngwe ya dipotso, tlhopha karabo e le nngwe e e go tlhalosang botoka.
O laleditswe kwa moletlong. Kwa moletlong go tletse go nwa le go bina.
a swetsa go tsena le wena. O rata go nna karolo ya modumo.
b nwa fela dibiri tse 2. tla re o ya go kgweeletsa gae moragonyana.
c nwa go fitlha o ikutlwa o tsewa ke sedidi. Jaanong o be o emisa go nwa.
d tla re ga o nwe gotlhelele.
Ditsala tsa gago di simolotse tsotlhe go nwa mme ba tagwa ka gale. Ba dira seno mo gare ga beke, kwa meletlong, pele ga tiro le kwa sekolong.
a emisa go ba bona. O lapile ka kgatelelo mme ga o rate go nwa tota.
b ikutlwa gore o leke go le gonnye. O emise fa o sena go lemoga fa o sa rate go ikutlwa o tagilwe nako yotlhe.
c a nwa mme o tagwe. Segolo ka o phela gangwe fela.
O ne o na le letsatsi le le tshwaregileng mme ga o a nna le nako ya go ja. O ikutlwa o lapile thata.
a Ya gae. O bona sengwe go ja le go tsaya seno se le sengwe fela go itapolosa.
b Ya bareng kana šebineng e e gaufi nao. O tla kgona go itapolosa fa o na le sengwe go nwa. Dilalelo di tla bo di siame fa o ya gae moragonyana.
c Ya gae, o a ja le go robala ka pele. Dilo di tla siama ka moso.
O kwa moletlong koo go nang le dino tse dintsi. Baeti ba kgobokanetse botlolo ya boranti. Mongwe le mongwe o nwa go tswa mo lebotlolong.
a Tsaya galase. O tlhoka go itse gore o nwa go le kana kang.
b Tsenela monate le go tsaya methamo e mentsi. A botlolo e ka nna ya fela ka bonako.
c Tsaya mothamo mme wa ipolela gore ke wa bofelo.
O etela tsala. O bula botlolo ya boranti le go tlisa dibiri tse dingwe.
a Nwa dino di le mmalwa. O ntse o emetse se letsatsi lotlhe. Morago ga dino di le mmalwa o ikutlwa ka gale o le botoka.
b Nwa dino di le mmalwa. O emisa fa o tsewa ke sedidi mme monagano wa gago o tlhakatlhakane go le gonnye.
c Nwa se le sengwe kana di le pedi dino. Ga o rate go latlhegelwa ke taolo ya mmele wa gago kana monagano.
Jaanong kopanya dipalo mo masakaneng kwa bofelong jwa karabo nngwe le nngwe e o e tlhophang o be o tlhola maduo a gago.
O monwi yo o dirisang tlhaloganyo. O akanya ka se o se nwang e bile o itse ka ditlamorago tsa go nwa. Ga o dumele gore o gapelediwe go nwa.
Nako nngwe o na le tlhaloganyo ka fa o nwang ka teng. Dinako dingwe ga o na maikarabelo. O tlhoka go tlhopha go nwa ka tlhaloganyo le go ema mo go seo! O se ka wa letla ditsala tsa gago go go gapeletsa go nwa! Seno ga se dire gore o tume.
O monwi yo o se nang maikarabelo. O nwa thata mme o tlhoka go ikutlwa o le karolo ya pokanelo. Fa o tswelela go nwa ka tsela e, o ka nna wa amega mo dikotsing kana le mo dintweng tota. Go gaisa fa, go nwa ga gago go tla ama boitekanelo jwa gagwe mo go sa siamang mme ga baka tshenyego ya boboko jwa gago, pelo le sebete. O tlhokega go simolola go nwa ka tlhaloganyo, kana le gona go sekaseka go emisa gotlhelele!
Rotlhe re tshela Mme yo o tshwenyegileng, le batho ba ba nang le mathata a go nwa. Re ka fetola Go na le thuso ya batho ba ba jang dilo Re tlhoka nang le bothata jwa go nwa. Fa o go tokafatsa dilo itse mongwe yo o nang le gape. Ga re batle bothata, kopa ngaka kana mooki tlwaelo e go anamela wa tleleneki ya lona go go neela kwa baneng ba rona?
Mme yo o tshwenyegileng thusang. O ntse o ka buisana le moruti ka morero o. Tlhopha se se utlwalang se le botoka mo go wena fela o se ka wa tshola bothata bo mo go wena. Ga bo ne bo tsamaya!
Ga go na lebaka mo go lekeng go buisana ka bothata jwa go nwa le mongwe yo o setseng a tagilwe. Mo emele a tlhapogelwe. Jaanong bolelela motho se a se dirang le ka fao ba bangwe ba amegang ka seo.
Fa o sa kgone go fetola dilo, go raya gore o tlhoka go bona thuso go tswa mokgatlhong o o diranang le mefuta e ya mathata ka letsatsi. Go na le e mentsi mo tikologong.
Bitsa mapodisa fa mongwe a go betsa fa a tagilwe. Bolelela moagisani wa gago ka se se diragalang gore o nne le lefelo le le babalesegileng go ya go lona fa se se diragala. Fa dilo di sa fetoge kana di befa, o ka tshwanelwa ke go bona legae le lengwe koo o ka nnang gore wena le lelapa la gago le bolokege.
A ka re jang thusa Dudu?
Go na le mekgwa e le mentsi ya go thusa batho ba baša. Mokgwa o o gaisang ke go tlhomamisa gore ba tlhaloganya ditlamorago tsa go nwa.
Nnyaya le go ema mo go se ba se buang.
Ba ka dira se ka mekgwa e le mentsi. Ba ka tsamaya, fa ba amogela kgatelelo go tswa ditsaleng. Ba ka bolelela motho gangwe le gape gore ga ba rate go nwa. O tlhoka go itshoka jaaka go kgonega mo nakong e. Fa o le legammana, dilo di boima. Tlhomamisa gore ba itse gore ba ka bua mathata a bona le wena.
Morago ga nno pelo ya gago e siana...
Mo ditseleng tse dintsi go ne ga fitlhelwa gore bakgweetsi ba ntse ba nwa go feta jaaka go dumeletswe ka molao.
Nnotagi e e maatla e ka isa kwa ya legano.
Morago ga go nwa dino tse pedi o bua thata le go nna le...
O se ka wa nwa ka gope fa o...
Batho ba le bantsi ba ka ntlha ya malwetse a a amanang le nnotagi.
Bosenyi bo bontsi le di diragala gonne batho ba dirisa nnotagi botlhaswa.
Pele o tswelela go bona nno ya gago e e latelang galase ya metsi.
Go na le yuniti e le nngwe ya nnotagi mo sa weseki, boranti kana disepereti tse dingwe.
O se ka ka gope wa nwa fa o...
Go kgabaganya: 1: godimo; 3: go kgweetsa; 6: go dumela; 8: dikotsi; 10: kankere; 11: tlhakatlhakano.
Go ya tlase: 2: moimana; 3: go swa; 4: tiriso dikgoka; 5: go goduma; 7: thotinyana; 9: go lapa.
<fn>tsn_Article_National Language Services_GO JESA LOSEA LO LO NANG LE POUNAMA E E PHANYEGILENG.txt</fn>
Christopher, yo o ka fa ntle, o ne a belegwa a na le matlhakore a mabedi a pounama a a phanyegileng le bogodimo jwa molomo jo bo phanyegileng. Pounama ya gagwe e ne ya siamisiwa fa a ne a le dikgwedi di le 5 e bile o ne a atlega. Bogodimo jwa molomo wa gagwe bo tlile go siamisiwa mo sebakeng sa ngwaga.
Georgia Haitas-Jammine ke patolojisi (motho yo o dirang ka malwetse a mmele) ya motlotlo le puo, yo o ntseng a dira go simolola ka 1976, yo o kgatlhegelang tshekamelo ya Pounama e e Phanyegileng le Bogodimo jwa molomo jo bo phanyegileng. O kwadile buka ya bana e e bidiwang "Michael o na le Pounama e e Phanyegileng le Bogodimo jwa molomo jo bo phanyegileng" e e tlhagelelang ka dipuo di le supa. Gape ke motlhatlheledi mo tshekamelong, mo Lefapheng la tsa Malwetse a mmele le Puo le tsa go Utlwa kwa Yunibesithing ya Lejweleputswa.
Masea a a belegweng a na le bogodimo jwa molomo jo bo phanyegileng kgapetsa-kgapetsa a na le mathata a go jesiwa ka gonne phatlha ya molomo (molomo) ga e a kgaoganngwa le phatlha ya nko (nko). Ka jalo, losea ga lo kgone go bula phatlha mo molomong, mme lo itemogela bothata jwa go anya letsele kgotsa lebotlolo.
Tsenelelo le mofuta wa go phanyega, o o farologanang mo loseeng longwe lo longwe, e tla tlhomamisa ka moo lo kgonang go ja ka teng. Fa losea lo na fela le pounama e e phanyegileng, go nna le bothata jo bonnye fa bo le teng ka motsi wa go jesiwa. Ke go nna teng ga bogodimo jwa molomo jo bo senang bothata go go leng botlhokwa mo tiregong ya go anya.
Tirego ya go jesiwa e ama mašwi a a gamolwang mo thobeng (mo lebotlolong kgotsa mo letseleng), losea lo rulaganya mašwi ka mo mekgatong (tshobokano e nnye e kgolokwe), le go tsamaya ga mekgato e mo pele ga molomo le kwa morago ga molomo, go tswa moo o ka isiwa kwa mogodung. Ka tlwaelo losea lo tshwanetse go kgona go hema ka dinko fa lo jesiwa ka molomo.
Fa thoba e tsenngwa ka mo molomong, dipounama di bopa setswalo go o dikologa gape loleme lo a kukega go gamola thoba kgatlhanong le bogodimo jwa molomo jo bo thata. Loleme lo boela kwa morago, go letla karolo e kgolwane magareng ga dipounama le loleme/bogodimo jwa molomo go tswalega kwa ntle le go letla mowa ka mo phatlheng. Ka jalo, phatlha e a bulwa e bile mašwi a gogelwa ka mo molomong.
Phatlha e thibela thoba go tswa mo molomong e bile e thusa losea go kgomarela tlhoko. Metlhagare, loleme, matlhaa le marinini a gamola mašwi mo letseleng.
Tirego ya go jesa e a tshwana go sa kgathalesege sedirisiwa sa go jesa (letsele kgotsa lebotlolo). Le fa gontse jalo kgato e e amegang mo go anyeng mašwi mo letseleng e farologana mo go ya go goga mašwi mo lebotlolong. Thoba ya lebotlolo e tlhoka tiro e nnye mo motlhagareng wa losea, mo mesifeng ya sefatlhego, mo lolemeng, mo marinining, le mo matlhaaeng.
Ka kakaretso, kelelo ya mašwi ka mo lebotlolong e bonako go gaisa ya mo letseleng, le fa se se amiwa ke dintlha tse di mmalwa s.k. mofuta wa lebotlolo le thoba, le saese ya thoba. Kelelo ya mašwi ka motsi wa go anyisa e amiwa ke bokgoni jwa mme jwa go sisa (go ntsha mašwi) ka fa letlhakoreng je lengwe, go sisa ga mme go oketsega fa go anya ga losea go oketsega.
a Mašwi a letsele ke sedirisiwa sa mo mmeleng, e bile a ka se tlhole bothata mo ditogweng tsa mmele jaaka dijo tse dingwe tsa masea. Matha a nko ya losea lo lo phanyegileng a a bonagala, gape mašwi a letsele a ka se a tlholele bothata.
b Go anyisa ga go tlhole kgatelelo e tshwanang mo phatlheng ya tsebe jaaka lebotlolo mosola, ka masea a a nang le bogodimo jwa molomo jo bo phanyegileng a na le kgonagalo ya go ka nna le ditshwaetsego tsa mo phatlheng ya tsebe. Go anya go go nonofileng go letla tekatekano ya kgatelelo mo phatlheng ya tsebe, e bile go fokotsa dikgonagalo tsa ditshwaetsego tsa mo phatlheng ya tsebe.
c Mašwi a letsele a na le dithibela ditwatsi. A na le lactoferrin le immunoglobins tse di thusang go thibela ditshwaetsego. Masea a a phanyegileng a a anyang a na le palo e e kwa tlase ya dipegelo tsa ditshwaetsego.
Go sa kgathalesege gore losea lo anyisiwa letsele kgotsa lebotlolo, lo tshwanetse go newa kotlo e e siameng.
Gape, mekgwa ya go jesa ya losea e botlhokwa thata. Losea lo lo tlwaelegileng lo tsaya metsotso e e kana ka 20-30 go khutlisa phepo, go go letlang kgolo le kotlo e e lekaneng.
Mo loseeng lo bogodimo jwa molomo wa lona bo phanyegileng, thulaganyo ya phepo e e tlwaelegileng e kgoreletsega ka ntlha ya kgatelelo ya go anya go go bokowa le mathata a a itemogelwang fa lo leka go moma thoba. Masea a pounama e e phanyegileng ga se gantsi ba itemogela mathata a go ja. Phatlha ya mo pounameng le fa gontse jalo, e kgoreletsa go dira setswalo mo thobeng. Se se rarabololwa ke fa losea lo dirisa ntlha ya loleme le mokwatla wa marinini (karolo e e kwa godimo ya marinini e e tshwereng meno) go bopa setswalo mo thobeng. Go se nne teng ga setswalo se/sekhurumelo go ka dira gore mašwi a dutle mo phatlheng Go tsholetsa letlhakore la phatlha ya losea kwa godimo fa o mo anyisa mo letlhakoreng le lengwe la matsele go ka thusa go thibela mašwi go dutla.
Le fa gontse jalo, losea lo bogodimo jwa molomo wa lona bo phanyegileng lo ka se kgone go bopa setswalo kwa morago ga molomo ka gonne molomo le nko ga di a kgaoganngwa. Se ke bothata ka gonne setswalo sa kwa morago, se se tlhokegang malebana le go anya, se ka se kgone go diriwa. Malebana le setswalo sa kwa morago mowa wa maitirelo o tshwanetse go tlhagisiwa mo molomong go bopa phatlha. Mabapi le losea le bogodimo jwa molomo wa lona o phanyegileng, go leka go bopa phatlha e go tshwana le go futswela baluni e e phunyegileng. Kwa ntle ga phatlha e, losea lo ka se kgone go goga mašwi mo thobeng. Go sa kgathalesego go retelelwa ke go tlhagisa mowa wa maitirelo, fa thoba e tsenngwa ka mo molomong wa losea, kgololosego ya go anya e tla dira gore losea lo tsholetse loleme lwa lona go panyeletsa thoba go goga mašwi. Go tlhokagala ga bogodimo jwa molomo jo bo thata go kaya gore thoba e tla kgoromelediwa ka tlhamalalo ka mo phatlheng. Se se tlhola mathata a mabedi. Sa ntlha, thoba ga e panyelediwe sephara mo bogodimong jwa molomo ka jalo mašwi a mannye fa e le gore a teng a a gogiwa sa bobedi, fa thoba e le mo phatlheng e bile mašwi a gogiwa, a tla tsena ka tlhamalalo ka mo nkong go na le ka mo molomong mme mašwi a tla tsena ka dinko. Go tsena ga mašwi ka mo nkong a dira gore mašwi a a sa lekanang a metswe ka jalo thulaganyo yotlhe ya go jesa e ka lelefadiwa.
Maitemogelo a go ja a a lapisa mo loseeng le bogodimo jwa molomo wa lona o phanyegileng, le le ka robalang ka motsi wa go ja ka jalo lwa se ke lwa nwa mašwi a lona otlhe. Fa losea lo sa nwe mašwi a a lekaneng mo phepong nngwe le nngwe, lo ka se nne le bokete jo bo lekaneng e bile lo ka latlhelwa ke bokete. Se ke ka ntlha ya gore, fa losea lo tsaya lobaka go ja, lo latlhegelwa ke boleng jo bontsi jwa dijo fa lo ja go feta tse lo di bonang.
Morago ga go ja, go tlwaelegile mo loseeng longwe lo longwe gore lo robale. Ka motsi wa go robala go, tshilo ya dijo ya losea ka gale e a iketla, go go letlang go kokotlela. Ka jalo, fa losea le bogodimo jwa molomo wa lona bo phanyegileng lo tsoga dipaka tse telele ka gonne lo tsaya sebaka go ja, se ke ntlha e nngwe e e tla lo kgoreletsang go kokotlela sentle. Ka jalo go botlhokwa gore go ja go se ke ga feta boleele jo bo amogelesegang jwa nako (bokana ka metsotso e le 20-30).
Fa thulaganyo ya go ja e lebega e senya nako, batsadi le bona ba tshwarega dipaka tse telele. Dipaka tse telele tsa nako tse di dirisiwang go jesa, le go se atlege, gape go dira gore batsadi ba tlhakatlhakane.
Mofuta wa phatlha o tla nna le seabe mo katlegong ya go anyisa. Go anyisa losea le le nang le phatlha ya mo letlhakoreng le le lengwe go ka diriwa bonolo fa thoba e bewa mo letlhakoreng la molomo le le sa amegang. Gape losea le tshwanetse go tshwarwa ka mokgwa o letlhakore le le nang le phatlha ka gale le lebisiwang kwa godimo. Se se thibela gore mašwi a se ke a tswa ka molomo go go ka diragalang fa phatlha e kabo e lebisitswe kwa tlase.
Go fokotsa go tshwara go go bokowa le go anya go go bokowa, mme a ka tshwara thoba ka mo molomong ka motsi wa go anyisa. Sesireletsi sa tlhoko le thoba le sona se ka dirisiwa.
Bomme ba tshwanetse go rotloediwa go leka go jesa ka ditsela tse di farologaneng go bona tse di leng maleba mo go bona, sk. go tsholetsa losea kwa godimo mo thobeng. Se se fokotsa go balelwa le go tsena ga mašwi ka mo nkong. Fa mašwi a matsele a dutlela ka mo nkong, ka gonne e le seedi sa mmele sa tlholego, ga a kgoreletse matha.
Go jesa ga go a tshwanela go tsaya metsotso e e fetang e e 30 e bile go anyisa go tshwanetse go tsenngwatirisong ka bonako morago ga pelego. Losea le ka jesiwa kgapetsakgapetsa go gaisa losea le le senang phatlha, selekano sa diura di le tharo.
Setswalo le sona se ka nna mosola. Se ke sedirisiwa sa ngaka ya meno le matlhaa, kgotsa poleiti, e e dirisiwang go tswala phatlha mo magalapeng a a omileng. Se se dira gore go jesa go atlege mo ditseleng tse dintsi. Bomme le bona ba ka leka go baya diatla tsa bona mo matseleng jaaka kopi magareng ga menwana le monwana o mogolo wa seatla mme ba panyeletsa letsele go thusa kelelo ya mašwi. Go baya ntlha ya monwana mo phatlheng ya pounama go tla thusa go dira setswalo se se botoka mabapi le go anya.
a Losea le ka itemogela makowa go tshwara le a go anya, e bile se se amanang le se ke bokowa jwa go tlhagisa mowa wa maitirelo wa ka fa teng wa molomo.
b Mme le losea ba ka tlhakatlhakana ka ntlha ya paka e telele ya go jesa, moo losea lo kgaratlhang go anya.
c Kelo ya kelelo ya mašwi e bonya, go go tlholang bokowa jwa kotlo mo loseeng. Ka jalo go kokotlela go go bonya ke ntlha e e botlhokwa.
d Ka motsi wa go anyisa go thata go kaya selekano sa mašwi a a antsweng a be a mediwang. Go dirisa mašwi a matsele a a gamoletsweng ka mo lebotlolong le le boleta go tla rarabolola bothata jo. Netefatsa gore losea le kolobetsa mongato wa lona mo go lekaneng. Se se netefatsa gore ga le latlhegelwe ke metsi.
e Bomme ba ka sotlega ka ga go tlala ga mašwi mo matseleng fa losea le sa anye mašwi a a lekaneng.
Go gamolola mašwi a matsele le go jesa ka lebotlolo le le boleta go letla losea go bona mosola mo go nweng mašwi a matsele, fela kwa ntle ga mathata a thulaganyo ya go anyisa.
Fa go anyisa go atlega, go itumedisa thata, mme fa go sa dire, mme a ka neelwa tlhopho ya go gamolola mašwi a matsele mme a jesa ka nngwe ya mekgwa e mengwe. Le fa mme ka gale a tshwanetse go rotloediwa go leka go anyisa, go le gontsi ga e atlege.
Go anyisa lebotlolo go botlhokwa go gaisa go fepa ka leswana kgotsa ka tšhupu ya nko ya mogodu, ka go naya losea maitemogelo a go anya, go gape go leng botlhokwa malebana le tlhabololo ya puo le ya lotlhaa. Ka ka gale go anyisa letsele go le thata, go anyisa lebotlolo ka gale ke mofuta o o botlhokwa. Fa go kgonagala, mašwi a letsele a tshwanetse go gamololwa mme a nwesiwe losea ka lebotlolo.
Losea lo tshwanetse go tlhamaladiwa mme e seng thata magareng. Se ke go tlhamaladiwa ga tlholego, go go letlang bokete go thusa mašwi go elelela kwa tlase. Gape go thusa go thibela mašwi go tsena ka bontsi ka mo Eustachian tubes le ka mo diphatlheng tsa karolo e e fa gare ga ditsebe.
Thoba e tshwanetse go nna latex e e boleta go na le silikhono. Thoba e ka apeiwa makgetlho a le mmalwa go e dira boleta. Thoba e e atlhameng e e sephara jaaka 'Nuk le tse dingwe tsa sebopego se se jalo di botlhokwa mo maseeng a bogodimo jwa molomo wa ona bo phanyegileng, e bile di ka ratiwa ke dingaka tsa meno le matlhaa. Thoba e nngwe e e botlhokwa ke Pigeon latex teat, e e nang le phatlha ya khutlotharo . Lebotlolo le le panyeletsegang le lona le botlhokwa, go na le le le thata, ka o ka kgona go thusa go tsenya mašwi ka mo molomong wa losea ka go panyeletsa lebotlolo.
Thoba ya phatlha e e fetang e e tlwaelegileng kgotsa thoba ya phatlha e e kgabaganyang e ka thusa gore mašwi a elele. Se ke ka ka ntlha ya gore go anya go thata, e bile losea lo lapa bonolo. Le fa gontse jalo phatlha ga e a tshwanela go nna e kgolo mo mašwi a pumpunyegang fa lebotlolo le tsenngwa, losea lo tla balelwa. Mašwi a tshwanetse go rotha ka bonya. Go dira phatlha e kgololwane, dirisa lomao lo lo fisitsweng. Go sega thoba go kgabaganya, e tlhanolole, mme o sege phatlha ya bokana ka 5mm go kgabaganya ka go dirisa logare lo lo bolailweng ditwatsi. Fa o feditse busetsa thoba ka mokgwa o e neng e le ka teng.
Go anya go thata mo loseeng lo bogodimo jwa molomo wa lona o phanyegileng ka jalo losea lo lapa ka bonako. Go dira gore go jesa go nne bonolo, thoba ya phatlha e e fetang e e tlwaelegileng, kgotsa thoba ya phatlha e e kgabaganyang, e ka dirisiwa ka e thusa gore mašwi a elele bonolo.
Thoba e e siameng le lebotlolo le le siameng le siametse go dirisiwa! Go tlhomamisa fa thoba le lebotlolo le siame kgotsa le sa siama, losea lo tshwanetse go bo lo anya sentle, lo nna le bokete e bile o tshwanetse go kgotsofala ka mokgwa o lo jang ka teng. Fa losea lo kgona ka thoba le lebotlolo le le tlwaelegileng, lo dirise ka tokologo. Tlhopho nngwe le nngwe e e diriwang, e tshwanetse go nna teng le go kgonwa. Le fa gontse jalo, dithoba tse di mmalwa tse di kgethegileng di dirilwe malebana le losea lo bogodimo jwa molomo wa lona bo phanyegileng.
Lebotlolo le dirilwe ka polasitiki e e boleta, e e panyeletsegang, gape e na le sebopego se se 'sephara' kgotsa se senang le matlhakore a le mane. Se se letla motlhokomedi go panyeletsa lebotlolo sentle go thusa losea go bona mašwi a a lekaneng.
Thoba e telele gape e tshesanyane go na le dithoba tse di tlwaelegileng, e bile segilwe phatlha kwa godimo. Phatlha ga e letle mašwi go elela fa losea lo sa lome kgotsa lo sa anye thoba. Fa fela losea lo leka go anya mašwi a elela. Tekanyetso magareng ga go anya ga losea le go panyeletsa ga motlhokomedi e tlhagisitswe.
Thoba nngwe le nngwe e e tlwaelegileng e ka tsenngwa mo lebotlolong la Mead-Johnson, le fa go dutla ka nako nngwe go tlhagelela ka thoba e nngwe, se ga se masisi, gape se se tlhokagalang ke bibi.
Mabotlolo a Mead-Johnson a teng mo Aforika Borwa, e seng kwa khemising ya gago ya tlwaelo.
Le fa mabotlolo a Mead-Johnson a bapadiwa e le 'a a latlhiwang morago ga go dirisiwa', a ka tlhatswiwa le go bolaiwa ditwatsi mma e dirisiwa gangwe le gape. Le fa gontse jalo go tshisinngwa gore o se ke wa a tsenya ka mo microwave oveneng kgotsa ka mo dishwasheng.
Thoba e e boleta e telele, e ka boyona e tshwarang bokana ka 29 ml jwa seedi.
Phatlha ya-velofo e e telele e tshesane mo thobeng e e ka bewang ka mokgwa o ka ona kelelo ya mašwi e ka laolwang gore a se ke a elela, a elele mo magareng, le gore a elele ka bontsi.
Thoba e e boleta e ka pinyelediwa sentle le go gololwa go thusa/putsa maatla a losea a go anya.
Lebotlolo le le na le go nna tlhwatlhwagodimo thata. Le lona le teng mo Aforika Borwa, e seng kwa khemising ya gago ya tlwaelo fela kwa baphasalatsing ba dikumo tsa Medela (Leba tsebe ya 13). Feeder e tla e feletse, go akaretsa lebotlolo, sekhurumelo, disiki, velofo le thoba.
Haberman Feeder ga e atlanegisediwe masea a a nang le mathata a go metsa sk. a ba nang le bothata go tlosa mašwi mo molomong go a tsenya ka mo mometsong.
Thoba e tshwanetse go tshegediwa ka mo molomong wa losea gore e tle e nne ka fa tlase ga šelofo ya lerapo la magalapa kgotsa kgatlhanong le poleite ya go fepa. Se se letla losea go gatelela loleme le thoba kgatlhanong le lerapo ka go dira jaana lwa goga mašwi. Fa thoba e tshegeditswe ka tlhamalalo ka mo molomong wa losea, e tla gatelelwa ka mo phatlheng e bile mašwi a tla tsena ka mo nkong e seng ka mo molomong.
Ka losea le ka metsa mowa o montsi fa lo anya, lo tshwanetse go phophothiwa mo mokwatleng kgapetsakgapetsa, sk. metsotso mengwe le mengwe e e mmalwa. Fa losea lo ka balelwa, go fepa go tshwanetse go emisiwa, lo tshwanetse go kgaramelediwa kwa pele sentle mo lengoleng la gago le go tshwaratshwariwa ka serethe sa seatla sa gago thata mo magetleng. Phimola mašwi mo nkong ya gagwe. Fa go balelwa go diragala, losea lo tshwanetse go jesiwa ka bonya, mašwi ga a tshwanela go kgoma bomorago jwa mometso. Thoba e e nang le phatlha e nnye, e e tsenyang mašwi a mannye ka mo molomong ka nako e lenngwe, le yona e thusa go thibela go balelwa.
E ka nna thulaganyo e e bonya, fela go botlhokwa gore motsadi a nne pelotelele le go lokologa, le go tsaya nako e e lekaneng malebana le go fepa. Go fepa ga go a tshwanela go tsaya metsotso e e fetang 30-45 mo diureng dingwe le dingwe di le 3-4 . Ka gale losea lo tshwanetse go tshwariwa ka lorato, lo tlamparelwe, lo go buisiwa. E ke nako e e botlhokwa thata ya go tlhola kamano e e siameng magareng ga losea le mme.
Botlhokwa jwa go anya bo setse bo gateletswe, fela fa go anyisa kgotsa lebotlolo le sa atlege, kgotsa fa ngaka e e dirang karo mo phatlheng e atlanegisa kemiso ya nakwana ya mekgwa e mebedi e ka paka ya tokafalo, mekgwa e mengwe le yona e ka lekelelwa. Yona e akaretsa go jesa ka kopi, ka sepeiti, ka teropole kgotsa ka leswana.
Go jesa ka kopi ke mokgwa o o siameng, ka o babalesegile, o sena ditwatsi, o le bonolo e bile o le tlhwatlhwatlase, gape o ka dirisiwa go fepa mašwi a a panyeleditsweng a letsele. Dirisa kopi e nnye jaaka 40ml Baby Cup Feeder e e leng teng mo baphalatsing ba dikumo tsa Medela. Tlhatswa kopi le go e bolaya ditwatsi o be o e tlatse mo go lekaneng ka mašwi. Baya losea mo diropeng tsa gago, o tshegeditse tlhogo ya lona. O ka tlhoka go phuthela diatla tsa lona gore lo se ke lwa thula kopi. Isa kopi kwa dipounameng tsa lona, fa lo bula molomo wa lona, sekamisa kopi. Lo tla gabola mašwi mo koping. O se ke wa tshela mašwi ka mo molomong wa lona. Lo letle go ikhutsa mo magareng ga megabolo. Lo tla nwa ka kgato ya lona le go laola go nwa ga lona mašwi. Fa lo kgotshe, lo tla tswala molomo wa lona le go gana go nwa gape. Ela tlhoko ka moo lo nwang ka teng mo letsang lotlhe, e seng mo go jeseng gangwe.
Sepeiti kgotsa teropole, e ka bonwa kwa khemising, e bile e ka dirisiwa go rothetsa mašwi sentle ka mo letlhakoreng la lerama la losea, go na le ka mo mometsong wa lona. Go thusa ka go jesa ka sepeiti, silicone finger feeder ka Medela e ka bewa mo sepeiting. Motlhokomedi o baya monwana wa gagwe o monnye go bapa le silicone finger feeder, le go letla losea go anya mo monwaneng fa rabara ya sepeiti e gatelelwa sentle. Mokgwa o gape o ka dirisiwa go nwesa melemo.
Go jesa mašwi ka leswana go bonya thata, fela go ka dirisiwa jaaka mokgwa o mongwe fa mekgwa e mengwe e reteletswe.
Mokgwa o o dirisiwa jaaka sedirisiwa sa bofelo sa go jesa losea lo bogodimo jwa molomo wa lona bo phanyegileng. Tšhupu e tsenngwa ka mo nkong ya losea, e bile e lebisiwa ka mo mometsong, e kgabaganya kgokgotso, mme mašwi a tshelwa ka mo tšhupung. Ke mokgwa o o seng matlhagatlhaga, ka losea lo sa dire sepe, le fa gontse jalo ke mokgwa o o ikanyegang thata o o dirang gore lo gole le go nna le bokete. Go atlanegisiwa thata gore lo rotloediwe go anya dami sk. Dami ya NUK ya Ngaka ya meno le matlhaa, segolobogolo ka motsi wa dijo. Se se tla tokafatsa go gololosega ga go anya, go go leng botlhokwa malebana le go gola ga matlhaa le puo. Gape go tla thusa losea gore fa lo ntse lo anya, mpa ya lona e a tlala! Go tlaleletsa, losea lo tshwanetse go tshwariwa mo maemong a a siameng a go jesiwa. Go jesa ka tšhupu ya nko ya mogodu go tshwanetse go khutlisiwa ka bonako.
Fa mokgwa mongwe le mongwe wa go jesa o dirisiwa, go botlhokwa go tshola mafelo otlhe a phatlha phepa. Fa losea lo sena go jesiwa, lo neye metsi a a bothitho le a a tsiditsana mo lebotlolong go tlosa dijo tse di saletseng mo phatlheng. Letseta le le bongola le lona le ka dirisiwa go phepafatsa phatlha. Fa dijo di tlogelwa go kokotlela, di tla kopana le maswe a mo molomong le mamina go tswa mo nkong go bopa logogo lo lo thata, go go ka tlholang tshwaetsego mo lefelong le.
Lefoko la bofelo la thotloetso: Ka go nna le bokete jo bo oketsegileng, losea lo tla gola le go nna maatla, kwa bofelong lo tla kgona go dirisa thoba nngwe le nngwe le lebotlolo longwe lo longwe, kgotsa lwa dirisa kopi. Ga go botlhokwa go diegisa go latlhisa losea lo bogodimo jwa molomo wa lona bo phanyegileng go anya go lo naya dijo tse di loileng, e bile lo tshwanetse go tsholwa sentle.
Dikumo tsa Medela di teng kwa mabenkeleng a mangwe a a kgethegileng a masea, kwa borakhemising ba ba rileng le kwa baoking ba ba kgethegileng. Kgotsa di ka odariwa ka Mophasalatsi wa dikumo tsa Medela: Jane Pitt at +27 11-788-9102/72. Dikumo di ka posiwa ka bonako lefatshe ka bophara.
<fn>tsn_Article_National Language Services_GO KETEKA DIKAI TSA RONA TSA BOSET(HABA.txt</fn>
Dikai tsa bosethaba tsa rona ke tse e leng pono ya semmuso le matshwao a molomo tse di re supang jaaka sethaba. Dikai tsa bosethaba di tlhalosiwa go ya ka Molaotheo mme di diretswe go godisa poelano le kago ya sethaba.
Seriti sa motho, phitlhelelo ya tekano le tsweletsopele ya ditshwanelo tsa botho le tokologo.
Go se nne teng ga bomorafe le bong.
Bogolo ba molaotheo le taolo ya molao.
Tshiamelo ya go bouta ya bagolo ya botlhe, lenaneina la batlhophi ba bosethaba la gale, tlhopho ya tlwaelo, le tsela ya ditlhophadintsi ya mmuso wa demokerasi go tlhomamisa maikarabelo, go ikarabela le kamogelo.
Pina ya Bosethaba e re e utlwang e tshamekiwa ka metlha ya semmuso e e opelwang ke rona kwa dikolong le kwa ditiragalong tsa metshameko.
Folaga e ntha ya Rephaboliki ya Aforika Borwa e ne ya tsenngwa mo tirisong ka di 27 Moranang 1994. E ne ya tsholediwa fela fa morago ga bosigogare jaaka sethaba se sea se ne se belegwa. Moakanyetso le mebala ya folaga ke thadiso ya mebala e megolo ya hisitori ya folaga ya Aforika Borwa , go tloga dinakong tsa pele go fitlha jaanong.
Folaga e tshwanetse go tsholwa ka tlotlo. Ga e a tshwanela go letlwa go gogwa mo fa fatshe kana go nna le sengwe se se tsamayang mo godimo ga yona.
Folaga e buisiwa jaaka buka - go tswa kwa godimo go ya kwa tlase le go tswa molemeng go ya mojeng. Ka jalo e tshwanetse go bontshiwa ka mokgwa o o nepagetseng.
Fa e bontshiwa ka go rapama, setsholetsathoto se tshwanetse go nna kwa molemeng wa mmogedi mme banta e khubedu kwa godimodimo.
Fa e bontshitswe go bapa le kana kwa morago ga mmui, e tshwanetse go bewa mo letsogong la letsogo la moja la mmui.
Mo go matheng ka tlhamalalo mo mokolokong le di/folaga e nngwe mme ka fa mojeng wa moago fa e fofisiwa le difolaga tsa bosethaba kana mafatshe a mangwe tsotlhe saese e e tshwanang le go fofisetswa kwa bogodimong bo bo lekanang.
Sethaba sa Aforika Borwa - Aforika Borwa.
Mo Aforika Borwa lefatshe la rona.
Sekano sa Bosethaba setshwantsho se sennye sa sekano.
Sekano sa bosethaba, kana sekai sa Naga, ke sekai sa pono se se kwa godimo sa Naga. Tsaya motsotso go sekaseka ditirigalo tsa botlhokwa mo botshelong ba gago - botsalo, lenyalo, loso le disetefekeiti tsa sekolo, lokwalo lwa mosepele la gago - tsotlhe di dirwa semmuso ke Sekano. Papetlana ya gago e nnye e na le sona mo go le lengwe la matlhakore a yona. Fa o tsamaile go tswa mo nageng go bona sekai se mo moagong wa embasi se go lemosa legae o le kgakala le legae. Sekano gape ke legare la karolo ya Great Seal, ka setso e sekasekiwang go nna sekai se se kwa godimo sa Naga. Maatla a a feletseng a fiwa lokwalo longwe lo longwe ka letshwao la Great Seal mo go lona, ka seno se kaya gore lo na le tshegetso ya Moporesidente wa Aforika Borwa.
Sekano se sea, se emela se se diretseng Aforika Borwa go tloga ka di 17 Lwetse 1910. Phetogo e bontsha maikaelelo a Mmuso go sedimosa phetogo ya demokerasi mo Aforika Borwa le kakanyo e ntha ya boswelanaga.
Dikai di ne di dirisiwa jaaka tsela e e bonolo ya go maatlafatsa ka demokerasi bogolosegolo MaAforika Borwa ba sebaka se se leele ba neng ba ntshitswe mo ditiregong tse dintsi tsa go dira ditshwetso mo nageng e. Dikai tsa mekgatlho ya polotiki di ne di dirisiwa ka ditlhopho tsa 1994 go lemoga bonolo mo dipampiring tsa baloto.
Dikai tse tharo tse dikgolo tsa bosethaba tse go mekamekanweng le tsona mo bukaneng e di emela demokerasi e ntha e le go emisetsa dikai tsotlhe tsa pele tse di lekanang. Botlhotlhwa bo bogolo bo bo tshegetsang dikai tse dintha tse ke poelano, kopano mo bontsing le kago sethaba. Ka dikai tse MoAforika Borwa mongwe le mongwe o a rotloediwa, siamisiwa, maatlafadiwa le go tlhotlhelediwa go tsaya tirego ya go tsaya sethaba se go tswa bogologolo bo bo kgaoganeng go ya bokamosong bo bo kopantsweng.
<fn>tsn_Article_National Language Services_GO KGAOLWA GA MOTLAKASE.txt</fn>
Go botlhokwa gore ka metlha o duele melato ya gago ya motlakase ka botlalo. Se se tla dira gore akhaonto ya gago e se ka ya salela kwa morago Gantsi badirelwa ba duela bontlhabongwe jwa sekoloto se se tshwanetseng go duelwa ba akanya gore ba tla tila go kgaolelwa. Fa madi otlhe a a saletseng kwa morago a sa duelwe mo kgweding e e latelang, se se tla oketsa kgonagalo ya gore o se ka wa tshola akhaonto ya gago e le mo taolong.
Tsweetswee tlhokomela gore dituelo tsa sekoloto ka bontlhabongwe ka tlhomamo di santsane di ka baka go kgaolelwa motlakase. Ka bonako fela fa o lemoga gore ga o kgone go duela dikoloto tsa gago tsa motlakase o ikgolaganye le motlamedi wa gago ka bonako, mme o rulaganye mabaka a go di duela.
Go tla nna le tuediso ya dinamanyane ya madi otlhe kgotsa a a saletseng kwa morago, fa modirelwa a sa duele dikoloto tsa motlakase gotlhelele, kgotsa fa a duela bontlhabongwe, kgotsa a duela morago ga letlha le le tshwanetseng. Se se tla baka koketsego go se kae mo tshupamolatong ya modirelwa.
Fa o kile wa saena tumalano ya tuelo ya sekoloto le motlamedi wa gago go mosola go e diragatsa. Fa o retelelwa ke go dira jalo, motlakase wa gago o ka kgaolwa. Le gale, fa maemo gago a fetogile thata morago ga go saena tumalano, o tshwanetse go itsise motlamedi wa gago ka bonako. Bopaki jwa go fetoga ga maemo a gago bo ka batlega.
Fa o na le mitara wa bogologolo (o gape itsegeng jaaka mitara wa kerediti) o tla tshwanela ke go tlhokomela diyuniti tse o di dirisang le dipalelo tsa gago ka tlhomamo. Mo sekolotong sengwe le sengwe sa motlakase go tshwanetse ga nna le palelo ya pulo (palo e e fetileng) le palelo e e tswalang (palo ya sešweng). O tla tshwanela ke go netefatsa gore a na palelo ya gago ya pulo ya kgwedi e tshwana le palelo ya kgwedi e e fetileng. Fa di sa tshwane kopa motlamedi wa gago wa selegae go go tlhalosetsa. Nako nngwe batho ba ba tsayang dimitara ba a tle ba dire diphoso.
Sekaseka tlhwatlhwa ya gago ya yuniti: Go botlhokwa go itse gore motlamedi o tshwanetse go go duedisa bokae yuniti e le nngwe (kWh) ya motlakase o o o dirisang. Fa o sa itse o ka botsa motlamedi wa gago kgotsa o ka ikgolaganya le Molaodi wa Motlakase wa Bosetšhaba go bona tshedimosetso. Go tlhaloganya gore o duedisitswe bokae kgwedi eo, o tla tshwanela ke go arola palo e o e neilweng e le Diranta ka fa tlase ga motlakase , mme o e arole ka palo ya diyuniti tse di neetsweng mo tshupamolatong ya gago.(Diyuniti e tla nna pharologanyo e e neetsweng magareng ga dipalelo tse di bulang le tse di tswalelang). Searolo e tla nna tuediso ka yuniti nngwe le nngwe.
Fa go na le boitlhophelo jwa go fetolela go tswa kwa mitareng wa kerediti, akanya ka go fetolela kwa motlakaseng o o duelelwang kwa pele.
Gakologelwa gore go tla tlhokega tuelo ya go fetolela. Dituelo di tla ikaega ka bogolo jwa tlamelo ya gago.
Se se tla go thusa go laola tiriso ya motlakase wa gago.
Ga o kitla o nna le matshwenyego a go salela kwa morago ga akhaonto ya gago.
O tla tila go kgaolelwa motlakase.
O ka laola seelo sa motlakase o o o dirisang.
Fa akhaonto ya gago e saletse kwa morago ka dituelo o ka tshwanela ke go e duela pele o fetolela kwa motlakaseng o o duelelwang kwa pele. Dipoelo tsa paka e telele tse di neetsweng fa godimo di feta tlhokego e. Tlhotlhomisa mo motlameding wa gago ka ga pholesi e e laolang ntlha e. Gantsi batlamedi ba batla gore modirelwa a tsene mo tumalanong go duela madi a a saletseng kwa morago mo sebakeng se go dumalanwang ka sone.
Tiriso ya motlakase wa gago ka tshwanelo go tla thusa go fokotsa tiriso le dikoloto tsa gago tsa kgwedi. O dira jang se Ditofo, dikisara le dihitara ke tsone tse di dirang karolo e kgolo ya sekoloto sa motlakase?
Fa o na le kisara tlhokomela gore thomosetata ya yone ga e a bewa kwa godimo thata. E ka fokolediwa go +/- 60. O tla tshwanela ke go batla keletso mo motlameding wa motlakase wa gago tebang le se.
Kamoganyo ya kisara: Fa o ka kgona, kamoganyo ya kisara le dipeipi tse di ntshang metsi e tla fokotsa tiriso ya motlakase. Le gale, go ka akaretsa tiriso ya madi a mantsinyana go fitlhelela maikemisetso a.
Setofo: Netefatsa gore ga o a gotetsa dipoleite tsotlhe tsa setofo sa gago ka nako e le nngwe.
Go botlhale go fokotsa mogote wa dipoleite ka bonako fela fa pitsa e bedile.
Se dirise obene ya gago jaaka hitara ka ntlha ya gore e dirisa motlakase o montsi thata.
Dihitara: Dihitara tsa motlakase di na le go dirisa motlakase o montsi. Fa o se na hitara ya gase go botlhale go gotetsa bara e le nngwe fela ya hitara ya gago.
Go a tlhaloganyesega gore seno se ka tsaya nako e telele go gotetsa lefelo le le maleba.
Kamoganyo ya ntlo: Kamoganyo ya siling ya ntlo e tla fokotsa tatlhegelo ya mogote go tswa mo ntlong thata.
Go bonesa: Dipone tse di kitlaneng tsa foloresente di ntsha lesedi le legolo ka tiriso e e kwa tlase ya motlakase.
Gape o ka nna wa ikgolaganya le motlamedi wa gago go bona tshedimosetso go ya pele.
Molao wa Motlakase wa 1987 jaaka o tlhabolotswe, o letla gore motlamedi wa motlakase a ka kgaola motlakase wa modirelwa fa a sa duelela motlakase kgotsa a sa kgotsofatse mabaka a tlamelo. Le gale, molao o batla gore motlamedi a neele modirelwa tsiboso ya malatsi a le lesomenne pele a ka kgaolela modirelwa motlakase.
Paka e ya tsiboso e simolola ka letlha le le neetsweng mo lekwalong. Tsiboso e e neetsweng mo tshupamolatong ya kgwedi le kgwedi le yona e tsewa e amogelesega. Ka jalo badirelwa ba kopiwa go ela tlhoko se se kwadilweng mo ditshupamolatong tsa bone.
Karolo e e laolang ntlha e Tirelong ya Badirelwa (NRS 047) e ne e ikaegile ka karolo ya Molao wa Motlakase o o kailweng fa godimo.
Gakologelwa gore lefelo la ntlha le o tshwanetseng go ya kwa go lone ke la motlamedi wa gago wa selegae.
Modirelwa o na le tshwanelo ya go ngongorega ka ga boleng jwa tirelo e a e neelwang ke motlamedi wa selegae.
Motlamedi wa selegae o patelesega go reetsa le go dira sengwe ka ga dingongorego tsa gago.
Fa wena, modirelwa o sa kgotsofadiwa ke tshwetso kgotsa mokgwa o ngongorego ya gago e neng e tshwerwe ka teng, ntlha e, e ka fetisediwa kwa NER go bona thuso.
<fn>tsn_Article_National Language Services_GO TLHALOGANYA ATHERAITISI.txt</fn>
ATHERAITISI e kaya kgotelo e e bakang botlhoko mo ditokololong.
Tokololo ke karolo ya mmele fa lerapo le le lengwe le tsenang mo go le lengwe. Marapo a mabedi a tshwaragantswe mmogo ke dintha, tse di tsholang marapo go nna mmogo fa mesifa e lelefala le go khutshwafala go dira gore tokololo e tsamaye.
Bofelo jwa mesifa bo nna bonnye mme e bope menape e e tsentsweng mo lerapong.
Kwa bofelong jwa marapo go na le boalo jwa lehihiri. Lehihiri le teng ka fa gare ga tokololo. Lehihiri le thibela marapo mo go thulaneng mme le dira jaaka dimonyela letshogo.
Sebaka se se ka fa gare ga tokololo ke mosima wa tokololo o o tshotseng seelatokololo. Seela se logetsa tokololo le go tlamela dikotla kwa tokololong le lehihiri.
Motsamao wa tokololo o diragala fa mosifa o hunega, o gogela monape, o jaanong o tsamaisang marapo a mabedi go ya kana go tswa go le lengwe.
Go na le mefuta e e farologaneng ya ATHERAITISI. Go na le go feta malwetse a a farologaneng a go feta lekgolo a a ka tlholang atheraitisi.
RA ke bolwetse jo bo sa foleng bo bo ka amang mmele otlhe ka go ikutlwa ka kakaretso o sa itekanela sentle. Matshwao magolo ke go ruruga, go hibila, go gotela le setlhabi mo ditokololong. RA ka gale e lemogiwa mo ditokololong tse di nnye tsa maoto, mabogo le mo marapong a matlhalela. E ka tsamaya jalo go ya ditokololong tse dikgolwane tsa dijabana, magetla le mangole. Fa RA e etegela, ditokololo di ka golafala mme tsa gwalala go ka tsamaya.
OA ke boemo bo bo ka isang kwa konalong le go kgagogong ya ditokololo jaaka mangole, dinoka le menwana, kana go tswa kgobalong. Se ke bolwetse jwa ditokololo fela, mme ga bo ame mmele otlhe. OA e ama dikarolo tsotlhe tsa tokololo mme e tlhole setlhabi le go gwalala, segolo morago ga tiriso ya mmele.
Kaoto ke bolwetse jwa tirego ya mekhenisime ka phetiso ya boleng jwa tlhago.
Atheraitisi e ka tshwara mongwe le mongwe. Mefuta mengwe ya atheraitisi e tlhagelela ka gale mo malokong a lelapa a batho ba atheraitisi.
Atheraitisi e ama batho ba dingwaga tsotlhe, go akarediwa le bana.
Mefuta mengwe ya atheraitisi e tlwaelegile thata mo basading (sk. Atheraitisi ya rheumatoid) fa e mengwe e tlwaelegile thata mo banneng (sk.
Atheraitisi ya osteo ya bobedi e tlwaelegile mo bathong ba bannye, banna le basadi ka bobedi, mme e golaganngwa le mabaka jaaka tshwaetso, motshameko kana manokonoko.
Atheraitisi osteo e tlwaelegile mo bathong ba bagolo.
Fokotsa boima fa o le mafura, kana o le boima bo bo feteletseng, tiisa mesifa, ka go itshidilola; se atamele nnotagi le dijo dingwe.
Tiriso ya sepalaka, maseka, setshegetsa lengole kana lengenana, thobane ya go tsamaya, diikokotlelo le ditlamelwana tsa dithusa tse dingwe di thusa balwetse bangwe, fela go ikaegile ka gore ke ditokololo dife tse di amegang le ketegelo ya tshenyego ya tokololo.
Dibolaya setlhabi di ka dirisiwa go tlamela thuso go okobatsa setlhabi.
Diritibatsi tse di bolayang botlhoko le go se gotele ke tsa botlhokwa mo go thuseng go fokotsa setlhabi, go gwalala le go ruruga ga ditokololo. Di dirise ka tlhokomelo.
Diritibatsi tse di okobatsang bolwetse di ka dirisiwa go thibela ditiragalo tse di ipoeletsang tsa setlhabi le go ruruga ga ditokololo. Di ka dirisediwa mefuta e e rileng ya Atheraitisi jaaka Atheraitisi ya Rheumatoid.
Kalafi e e totobetseng e teng fa sebakwa sa Atheraitisi se itsewe sk. kaoto kana ditshwaetso.
Fa molwetse a na le kgobalo e e feteletseng mo tokololong gona go ka tlhokega gore a dire karo go fokotsa setlhabi le go tokafatsa tiro ya tokololo. Nako nngwe go tlhokega go thibela kgobalo go ya pele mo tokololong.
Etela tikwatikwe ya tlhokomelo ya boitekanelo kana ngaka ya lelapa. Nngwe ya dikgato tsa ntlha e tla nna go tlhomamisa fa matshwao e le a ATHERAITISI kana RAMATIKI.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Go tlhaloganya le go tlhokomela batho ba ba nang le Bolwetse jwa tlhaloganyo.txt</fn>
Ke fa kae Ke ne ke nagana gore ke legae la me le?
Ditlhako tsa me di kae Gongwe mongwe o di utswitse?
Bona rremogolo, di setse di le mo maotong a gago.
Re ya leng gae?
Nwaya tee pele e be e le gone o yang gae.
Batho ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo ba a etsaetseega segolobogolo fa ba le mo tikologong e ba sa e itseng kgotsa e e farologaneng mme ba botsa dipotso di le dingwe.
A rremogolo wa gago o dira jaana ka metlha?
Fa a hutsafetse o tlhakatlhakanya mafoko mme ga a bue sentle.
Ka dinako dingwe batho ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo ba latlhegelwa ke taolo mme ba ka bua kgotsa ba dira dilo tse ba sa di buang kgotsa ba sa di dira pejana.
Ga se nnete! Ke e apere lwantlha gompieno.
Mme e setse e le beke o apere mosese oo jaanong!
Batho ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo ba ka tlhola ba apere diaparo di le dingwe mme ba pateletsa fa ba le phepa ka gone ga ba gopole fa ba ne ba di apara.
Mme ke morwadio yo mogolo Thembi.
O maaka e bile o legodu! O dirile eng ka morwadiaka e bile phese ya me e kae?
Batho ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo ka dinako dingwe ga ba tshepe sepe e bile ba go pateletsa gore ga o ikanyege.
Nka dirang ka mmê wa me O a timela, ga a tlhape mme o re pateletsa gore re a sotlaka?
Go na le tliliniki mo mmileng o o latelang mme go na le badiri ba ba katisitsweng ba ba ka buang le lona ka bobedi. Gongwe gape ba ka le thusa ka kalafi e e maleba mme ba go nolofaletsa maemo.
Fa motho yo o mo itseng kgotsa yo o mo ratang a na le mathata o tshwanetse go mo isa kwa tliliniking e e gaufi kgotsa ngakeng. Go na le malwetsi a mantsi a a nang le matshwao a a tshwanang, a a ka alafegang.
Netefatsa gore batsofe botlhe ba ja dijo tse di siameng le go nwa metsi a a lekaneng.
Batsofe botlhe ba tshwanetse go nwa dilekanyi tse di kwa tlase tsa tagi mme nako nngwe ba seka ba e nwa gotlhelele.
Goreng o sa batle mmê wa gago a etele ausi wa gago?
Mo nakong e e fetileng ke mo dumeletse go eta, o ne a sa kgone go nnisega. O ne a sa tlwaela tikologo mme a tlhakatlhakana le go hutsafala. O kare go tla thusa fa le nna ke le koo, ka jalo ga a sa tlhole a tla ya koo a le nosi.
Koko ke a bona gore tlhaloganyo e a go tshwenya mo matsatsing a. Ka gongwe boboko jwa gago bo a tsofala mme o na le tshwaetso e e ka alafegang.
Tlhaloganyo ya me e ntshwenya thata mo matsatsing a. Ga ke kgone go gopola dilo tse dintsi.
Batsofe ba tlhoka tlhaloso e e fodileng ka ga se se ba diragalelang gore ba kgone go tlhaloganya gore go lebala go nako nngwe go tlisiwa ke botsofe.
O seka wa tshwenyega Koko. Mo tliliniking mo ba go tlhatlhobile mme ba lemogile fa e le botsofe fela. Fela o seke wa tshwenyega, re a go rata e bile re tlhaloganya maemo a gago.
Batho ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo ba hutsafadiwa bonolo ke bokoa jwa bone mme ba batla go netefaletswa gore ba santse ba ratiwa le go akgolwa.
Koko o ka se nne mo setulong seo letsatsi lotlhe le matsatsi otlhe. Tla o nthuse go obola ditapole ka mo khitšhing.
Rotloetsa batsofe go dira ditiro tse di bonolo tsa letsatsi le letsatsi tse ba ka di kgonang jaaka go nosetsa tshingwana, go obola merogo le ditiro tse dingwe tse di botlhofo.
O obotse tapole e le nngwe fela mme o ikgatlha ka ga seo mme o bona fa a tlhokega e bile a ratiwa mo gae.
Ke thusa mmê go loga dilo tse di bonolo jaaka dikobo mme seo se dira gore a dire sengwe letsatsi lotlhe.
Seo se dira gore ba ikutlwe ba akgolwa e bile ba kgotsofetse.
Mme, tla ke go thuse go tswa mo bolaong mme o apare. Mme re tla ya go ja motogo o o monate o ke go diretseng one.
Fa bolwetse jwa tlhaloganyo bo etegela batsofe ba ka lebala thata. Ba ka nna bonya thata mme ba batla tlhokomelo thata le dinako.
Ke mo tlogetse kwa lontšheng go ikhutsa. O tla nna sentle mo nakong e khutshwane mme o tla tswa.
O se tshwenyege ka batho ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo. O seke wa ngangisana le bona kgotsa go ba felela pelo ka ntlha ya fa seo se tla baka ketsaetseego.
Ga go bonolo go bona motho yo re mo ratang a latlhegelwa ke tlhaloganyo le bokgoni.
Gopola gore batsadi ba ba tsofetseng ba gago kgotsa ditsala ga ba kgone go tlhagisa gore ba ikutlwa jang ka ga wena, le gore ba ne ba ikutlwa jang ka ga wena mme ba tlhoka lorato le thuso ya gago mme seo se dira pharologano mo go bone.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Go ya ka Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa (1996).txt</fn>
Go ya ka Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, wa 1996 (Molao wa 108 wa 1996), mongwe le mongwe o na le tshwanelo malebana le madi a thuso a tshireletso ya loago fa a sa kgone go itlamela.
Madi a thuso ke madi a mo seatleng a a tswang kwa Pusong mme a lebisiwa kwa go batho ba ba sa kgoneng go itlamela. A neelwa batho ba ba humanegileng go itlamela ka dilo tse di botlhokwa le go tsweletsa ditlhokwa tsa boitshediso. Madi a thuso a a neelwa go tshegetsa maikaelelomagolo a Lefapha e leng go maatlafatsa bahumanegi le go babalela botshelo jo bo botoka go batho ba ba tlhokang.
Fa go diriwa kopo ya thuso ya loago, matlotlo a mokopi le a mokapelo kgotsa a batho ba ba amegang a a sekasekiwa go tlhotlhomisa fa motho yoo a tshwanelwa ke madi a thuso a puso. Se, se bidiwa "tekotlhotlhomiso". Tirego ya go amogela madi a thuso ga e a tshwanela go tsaya sebaka se se fetang malatsi a mabedi morago ga kgoroso ya kopo.
Ela tlhoko: Madi a thuso a neelwa baamogeladitshiamelo kgwedi ka kgwedi.
Madi a thuso a kgodiso le tlhokomelo ya ngwana a neelwa batsadi ba ngwana yo o leng ka fa tlase ga pabalelo ya bona go ya ka Molao wa Tlhokomelo ya Bana, wa 1983 (Molao wa 74 wa 1983).
Mokopi/ngwana o tshwanetse e be e le moagi wa mo Aforika Borwa ka motsi wa kopo.
Lekwaloitshupo le le amogelesegang la baakhoutu e e nang le didigiti di le 13 le tshwanetse go gorosiwa.
Taelo ya kgotla e e supang maemo a kgodiso le tlhokomelo e tshwanetse go gorosiwa.
Ngwana yo o leng ka fa tlase ga kgodiso le tlhokomelo o tshwanetse go fitlhelela ditlhokego tsa tekotlhotlhomiso, e leng bokana ka R12 720 ka ngwaga.
Dira kopo kwa Kantorong ya Katlaatleloloago e e fa gaufi le kwa mokopi a nnang kwa teng.
Fa bakopi ba tsofetse thata kgotsa ba lwala thata mo go ba reteledisang go ya kwa kantorong go dira kopo ya madi a thuso, leloko la lelapa kgotsa tsala e ka dira kopo mo boemong jwa bona.
Foromo ya kopo e tlile go tladiwa fa pele ga motlhankedi go tswa kwa Lefapheng.
Fa foromo ya kopo e setse e tladitswe, mokopi o tlile go neelwa setlankana.
Setlankana se, se tshwanetse go somarelwa-ke sesupo sa kopo.
Ga go na madi a a tshwanetseng go duelelwa kopo.
Fa kopo e sa dumelelwa ke Kantoro ya Katlaatleloloago, mokopi o tshwanetse go itsisewe ka lekwalo gore goreng kopo e gannwe.
Mokopi o na le tshwanelo ya go ikuela ka lekwalo kwa go Tona ya Katlaatleloloago mo porofenseng ya gaabo, go tlhalosa gore goreng a sa dumalane le tshwetso.
Boikuelo jo, bo tshwanetse go diriwa mo sebakeng sa malatsi a le 90 a kitsiso ya ditlamorago tsa kopo.
Fa madi a thuso a dumeletswe, mokopi o tlile go duelwa go simolola ka letsatsi le kopo e gorositsweng ka lona.
Mokopi o tshwanetse go itsisewe ka lekwalo mabaka a a dirileng gore madi a thuso a ganwe, le ka ga tshwanelo ya gagwe ya go ikuela mo sebakeng sa malatsi a le 90 a kitsiso.
Ela tlhoko: Fa mokopi a sa kgone go tsaya madi a thuso, porokureitara e ka tlhophiwa go a tsaya gangwe le gape mo boemong jwa mokopi.
Kopo e e malebana le pusetso ya madi a thuso e tshwanetse go gorosiwa mo sebakeng sa malatsi a le 90 a kemiso.
Mokopi ga a yo mo Nageng sebaka sa dikgwedi di le thataro kgotsa go feta.
Mokopi o tshwanetse go senola letseno lengwe le lengwe ka motsi wa kopo. Se, se tlile go thusa Lefapha malebana le go swetsa ka go sekasekiwa ga madi a thuso. Mokopi o tlile go isisewe mo sebakeng sa dikgwedi di le tharo ka nako ka ga letlha la tshekatsheko kgotsa ka ga letlha la bofelo la go tlhagisiwa ga setifikeiti sa botshelo.
Madi a thuso a tlamelo ya ngwana a neelwa motlhokomedi yo o tlhokomelang ngwana yo o leng ka fa tlase ga dingwaga di le 11. Motlhokomedi ke motho mongwe le mongwe yo o rwalang maikarabelo a ditlhokwa tsa letsatsi le letsatsi tsa ngwana, e bile a amana kgotsa a sa amane le ngwana.
Ngwana le motlhokomedi ba tshwanetse e be e le baagi ba mo Aforika Borwa, e bile ba nna mo Aforika Borwa.
Mokopi e tshwanetse e be e le motlhokomedi wa ngwana yo o amegang.
Ngwana o tshwanetse a be a le ka fa tlase ga dingwaga di le 11.
Lekwaloitshupo la baakhoutu e e nang le didigiti di le 13 la motlhokomedi le setifikeiti sa botsalo se se nang le didigiti di le 13 sa ngwana di tshwanetse go gorosiwa.
Motlhokomedi ga a tshwanela go dira kopo ya bana ba eseng ba gagwe ka madi ba ba fetang thataro.
motlhokomedi ga se moagi wa mo Aforika Borwa, motlhokomedi o amogela moputso go tlhokomela ngwana yo o amegang, ngwana o fetile dingwaga di le 11, motlhokomedi o setse a abetswe madi a thuso a ngwana, mokopi ga se motlhokomedi, kgotsa setheo se amogela moputso go tlhokomela ngwana.
Madi a, a thuso a neelwa batsadi, batsadi ba ba godisang gape ba tlhokomela, balebeledi kgotsa bababaledi ba ngwana yo o magareng ga ngwaga o le 1 le dingwaga di le18 yo, ka ntlha ya bogole jo bo tseneletseng jwa mo tlhaloganyong le / kgotsa jwa mo mmeleng, a tlhokang tlhokomelo ya leruri..
Mokopi o tshwanetse e be e le moagi wa mo Aforika Borwa, ntle le batsadi ba ba godisang gape ba tlhokomela.
Mokopi le ngwana ba tshwanetse ba be ba nna mo Aforika Borwa.
Ngwana o tshwanetse a be a le magareng ga ngwaga o le mongwe le dingwaga di le 18.
Pegelo ya tlhotlhomiso ya boitekanelo e e tlhomamisang bogole e tshwanetse go gorosiwa.
Mokopi, mokapelo le ngwana ba tshwanetse go fitlhelela ditlhokego tsa tekotlhotlhomiso e leng bokana ka R48 000 ka ngwaga malebana le motsadi le bokana ka R17 760 malebana le ngwana.
Ngwana wa tlhokomelo-ikaego ga a tshwanelwa go tlhokomelwa leruri mo setheong sa puso.
Lekwaloitshupo la baakhoutu e e nang le didigiti di le 13 la mokopi le setifikeiti sa botsalo se se nang le didigiti di le 13 sa ngwana di tshwanetse go gorosiwa.
<fn>tsn_Article_National Language Services_ITSE DITSHWANELO TSA GAGO TSE DI MABAPI LE TIKOLOGO.txt</fn>
Goreng tikologo e le botlhokwa mo go rona?
Fa re bua ka ga tikologo, re raya sengwe le sengwe se se re dikologileng, ke gore lefatshe, metsi, loapi, mafelo a a leng botlhokwa, dimela le botshelo jwa diphologolo se se tlhotlheletsang botshelo jwa batho le boiketlo.
Tikologo e re ama rotlhe. Rotlhe re tlhoka tikologo e e itekanetseng le e e bolokegileng, se se raya mowa o o phepa le metsi a a phepa, mafelo a bonno a a bolokegileng, le dijo tse di itekanetseng tse di lekaneng. Fa tikologo ya rona e tlotlololwa ka go leswefadiwa le ka tshenyo, rotlhe re a amega e bile re tsenwa ke malwetse. Batho ba ba humanegileng ke bona ba ba iphitlhelang ba le mo mathateng thata!
Rotlhe re lwela boleng jwa botshelo jo bo tokafetseng-jaanong le mo nakong e e tlang. Rotlhe re batla gore bana ba rona ba nne le ditšhono tse di botoka go tshela matshelo a a itumedisang e bile a itekanetse. Mo ntlheng e, re tlhoka tlhabololo ya ikonomi, ya bosiamisi jwa loago le tikologo e e itekanetseng e e siameng.
ditikologo tsa rona tsa letsatsi le letsatsi tsa bonno le tsa kwa tirong di tshwanetse go tokafadiwa mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le phitlhelelo ya didirisiwa tsa lefatshe le tsa tlholego e e lekanang re tshwanetse go dirisa didirisiwa tsa rona tsa loago, tsa setso le tsa tlholego ka tsela e e siameng re tshwanetse go rotloetsa seabe sa baagi mabapi le ditshwetso tse di ka ga mokgwa o tikologo e dirisiwang ka teng.
Molaotheo wa naga o netefatsa ditshwanelo tsa batho le go rebolela setšhaba ditheo tse di kaelang. Ditshwanelo le ditlamego tse di leng mo molaotheong ke tsa mongwe le mongwe mmogo le setšhaba sa Aforika Borwa. Re lesego mo Aforika Borwa, ka gonne fa go bapisiwa le dinaga tse dingwe, molaotheo wa rona o amogela fa tikologo e e itekanetseng e le tshwanelo ya batho e e botlhokwa.
Ditshwanelo tsa batho di nna le bokao fa fela rotlhe re amogela gore rotlhe re tshwanetse go dira gore di tle di fetoge nnete. Ka fa letlhakoreng le lengwe go raya gore puso e tshwanetse go latela ditheo tse di tlhagelelang mo molaotheong. Baagi le metsana, ka fa letlhakoreng le lengwe, ba tshwanetse go lopa gore ditshwanelo tsa bona di tlotliwe le go bontsha fa ba amogela maikarabelo a a tlhagisiwang ke ditshwanelo.
Fa ditshwanelo tsa gago di sa tlotliwe, o ka..
tlhagisa kgetse ya gago kwa kgotlatshekelong, isa ngongorego ya gago kwa Khomišeneng ya Ditshwanelo tsa Batho, isa ngongorego ya gago kwa go Mosireletsi wa Setšhaba, fa e le gore ke puso e e amegang.
Ditshwanelo tsa gago tse di mabapi le tikologo ke dife mo molaotheong?
Molaotheo o netefatsha tshwanelo ya gago e e mabapi le...
Mongwe le mongwe o na le tshwanelo e, e bile mongwe le mongwe a ka tsaya kgato ya semolao go sireletsa tshwanelo e.
Puso e tshwanetse go diragatsa tshwanelo ya molaotheo e e mabapi le go dira gore tikologo e sirelediwe ka go tsaya dikgato tsa tshireletso.
Puso e tshwanetse go thagisa melao e e thibelang go leswefadiwa le tshenyo ya tikologo, e e tokafatsang tshomarelo mmogo le e e lekalekanyang tlhabololo ya ikonomi, ya loago mmogo le ya tikologo. Puso e tshwanetse go netefatsa gore dikgato tse di maleba di a tsewa go sireletsa tikologo kgatlhanong le ditiro tse di kotsi tse di ka tlang ka tlhabololo ya loago le ya ikonomi, le fa tlhabololo ya loago le ya ikonomi e tlhokega.
Puso e dirile melao e mešwa go sireletsa tikologo. Go simolola ka 1998, Molao wa bosetšhaba wa Metsi o mošwa, Molao wa bosetšhaba wa jalo ya Dikgwa, Molao wa Didirisiwa tsa Ditshidi tsa ka fa Mawatleng mmogo le Molao wa bosetšhaba wa Taolo ya Tikologo e ne ya fetisiwa. Melao e mešwa e e mabapi le mmu, dimenerala, mowa o o phepa, leswefatso mmogo le taolo ya leswe e a tlhabololwa.
Kgethololo e e sa siamang e kgoreleditse batho ba bangwe gape ba ne ba dira mo ditikologong tse di neng di sa itekanela. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo e e mabapi le tekatekano ka maemo e e tlhokagalang go netefatsa bosiamisi jo bo ka ga tikologo.
Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go sekaseka fa puso e tsaya ditshwetso tse di siameng, fa puso e reetsa dikeletso tsa batho pele ditshwetso di tsewa, fa puso e naya mabaka a a siameng le gore e rebola tharabololo ya dinongorego ka tiriso ya kgotlatshekelo e e ikemetseng.
Ditshwanelo tsotlhe tse di tlhagelelang mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo di tshwanetse go tlotliwa le go sirelediwa. Fa ditshwanelo di ka se ke tsa fitlhelelwa ka bonako, dikgato di tshwanetse go tsewa go tsweletsa ditshwanelo mmogo le go fitlhelela phitlhelelo e e tswelelang.
lopa gore tikologo e tlhokomelwe gana go dira tiro e e ka kgotlelang tikologo bega ditiro tse di ka dirang gore tikologo e kgotlelege.
A re sekasekeng sekao se se mabapi le mokgatlho o mogolo o o rekisang sedirisiwa sa khemikhale se se le kotsi se se dirisiwang ke balemi-potlana kotsa kgwebo-potlana. Tiriso ya sedirisiwa se, e tlhola tshenyo ya tikologo, e puso e lopiwang go e phepafatsa.
Go ya ka NEMA, mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go lopa gore tikologo e phepafadiwe. Mo sekaong se, go raya gore mokgatlho o mogolo o tshwanetse go tsaya dikato tse di maleba go tila kgotsa go fokotsa tshenyo e e tlholwang ke tiriso ya sedirisiwa se se dirisiwang ke balemi kgotsa dikgwebo tse di se dirisang. Lebaka ke gore mokgatlho o mogolo o tle o kgone go sekaseka dikotsi gape o tle o kgone go tsiboga.
Ka fa tlase ga molao wa rona o o tlwaelegileng, maikarabelo a mokgatlho ga a tlhagelele sentle. Se, se ka dira gore mokgatlho o mogolo o falole maikarebelo a ona a molao. NEMA e fetola dilo tsotlhe-leloko lengwe le lengwe la setšhaba le ka dira kopo ya kgotlatshekelo go gatelela tshwanelo ya go lopa gore tikologo e tlhokomelwe.
Fa mongwe wa badiri ba kwa dipolaseng yo o dirisang sedirisiwa se se kotsi a dumela sentle gore se ka tlhola kotsi mo tikologong, o na le tshwanelo ya go gana go dira tiro e. NEMA e sireletsa badiri e bile e kaya fa ba ka se boniwe molato kotsa ba otlhaiwa ka go gana go dira tiro e e kotsi.
NEMA gape e naya badiri tshwanelo ya go bega tiro e e ka dirang gore tikologo e kgotlelege kwa lefapheng la puso kotsa kwa Palamenteng kwa ntle ga go tshoga gore ba ka otlhaiwa, ba kgadiepediwa kgotsa ba kobiwa mo tirong.
Kgetsana ya Poso X2700, Houghton 2041.
Kgetsana ya Poso X677, Tshwane. Nomoro ya mogala 322 2915/6, Fekese 322 5093.
Kgetsana ya Poso X11233, Nelspruit 1200. Nomoro ya mogala 759 4083, Fekese 759 4032.
Kgetsana ya Poso X0054, Bisho 5606. Nomoro ya mogala 609 3218, Fekese 639 2002.
Lebokoso la PosoX264, Mangaung 9300. Nomoro ya mogala 403 3719, Fekese 403 3718.
Kgetsana ya Poso X89, Ulundi 3838. Nomoro ya mogala 874 3291, Fekese 874 3293.
Kgetsana ya Poso X9486, Polokwane, 0700. Nomoro ya mogala 015 295 9300, Fekese 295 5819.
Kgetsana ya Poso X2039, Mmabatho 2735. Nomoro ya mogala 389 5772, Fekese 389 5006.
Lebokoso la Poso X8769, Johannesburg 2000. Nomoro ya mogala 355 1900, Fekese 337 2292.
Kgetsana ya Poso X9086, Kapa 8000. Nomoro ya mogala 483 4643, Fekese 483 3211.
Kgetsana ya Poso X5018, Teemaneng 8300. Nomoro ya mogala 807 4800, Fekese 831 3530.
Mo tlaleletsong ya molaotheo, re na gape le peomolao e e kgethegileng e e mabapi le tikologo mo Aforika Borwa, Molao wa Bosetšhaba wa Taolo ya Tikologo wa 1998 (NEMA). Molao o, o latela ditheo tsa molaotheo e bile o tlhalosa ka botlalo ditshwanelo tsa molaotheo.
Rotlhe re na le tshwanelo ya tlhabololo e e tswelelang. Ka jalo, dintlha tse di botlhokwa tse di mabapi le tikologo di tshwanetse go sekasekiwa pele ditshwetso tse di ka ga tlhabololo di tsewa. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya gore puso e tlile go tsaya ditshwetso tse di maleba tse di rarabololang ditlhokego tsa batho gape le go netefatsa gore ditlhabololo tsa loago, tsa tikologo le tsa ikonomi di a tswelela.
go se kgoreletse dimela le ditshidi mmogo le dilwana tsa setso go se leswefatse le go se senye didirisiwa go nna le maikarabelo le kelotlhoko fa o dirisa didirisiwa fa e le gore ditiragatso ga di a tlhomama.
Dikutlwalo tsa loago, tsa ikonomi le tsa tikologo tse di mabapi le ditiro, di tshwanetse go sekasekiwa gape batho ba ba amegang ba tshwanetse go boniwa pele ditshwetso di tsewa.
Fa go na le ngongorego mabapi le tikologo, mongwe le mongwe a ka nna a botsa motsei-tshwetso go thapa mongwe yo o ikemetseng go batlisisa ngongorego le go nna monnasetulo wa dikopano kwa dikganetsano le dintlha di ka reediwang kwa teng.
Modiri a ka se boniwe molato kgotsa a otlhaiwa mabapi le go gana go dira tiro e modiri a dumelang sentle e tlile go tlhola kotsi mo tikologong.
Modiri a ka se boniwe molato kgotsa a otlhaiwa mabapi le go bega se go dumelwang sentle e le se se ka kgotlelang tikologo kwa setheong sa setšhaba kgotsa mo kgatlhegelong ya setšhaba.
Puso e ka amogela tshedimosetso e e botlhokwa go diragatsa maikarabelo a yona a a mabapi le tikologo gape leloko lengwe le lengwe la setšhaba le ka amogela tshedimosetso e go tswa kwa pusong fa fela e ama dikgatlhego tsa setšhaba.
Se se raya gore ba ba nang le maikarabelo mabapi le kgotlelego ya tikologo, ya mmu, ya metsi kgotsa ya mowa kgotsa ba ba nang le maikarabelo a a lebaganeng le tshenyo e e kotsi ba letleletswe go bega ka ga se.
Batho botlhe ba tshwanetse go tlhokomela tikologo.
Mongwe le mongwe yo o kgotlelang tikologo o tshwanetse go tsaya dikgato tse di maleba go fokotsa le go siamisa kgotlelego e, le fa go tlhagisitswe ke molao.
Motlhankedi wa tikologo yo o nang le maikarabelo a ka laela mongwe le mongwe yo o kgotlelang tikologo go tsaya dikgato tsa go siamisa, fa motlhankedi yo o nang le maikarabelo a sa dire jalo, leloko lengwe le lengwe la setšhaba le ka dira kopo ya kgotlatshekelo go gatelela tiro e e mabapi le tlhokomelo ya tikologo.
Mongwe le mongwe yo o fisegang ka ga tshireletso ya tikologo a ka dira kopo ya kgotlatshekelo kgotsa a ka dira jaaka motšhotšhisi wa tsa bosenyi go gatelela ditshwanelo tse di mabapi le tikologo le melao, gape motho yo a ka busediwa ditshenyegelo tsa ditsamaiso tsa kgotlatshekelo.
Fa ditshwanelo tsa gago tsa molao di sa tlotliwe, o ka...
isa kgetse ya gago kwa kgotlatshekelo, kopa kgakololo kwa lephateng la Dikgongorego kwa Lefapheng la Merero ya tsa Tikologo le Bojanala, kopa setheo sa selegae sa kwa ga lona go thapa moletlanyi gape a ise ngongorego kwa maphodiseng, leletsa mogala o o sa duelelweng o o mabapi le tikologo wa tlhokaina e bile e le wa khupamarama o o latelang: 0800 116 110, kgotsa dirisa imeili e e latelang: environment@tip-offs.com.
<fn>tsn_Article_National Language Services_KA FA O KA THIBELANG DITLHAKATLHAKANO TSA DITLHAELO TSA AYODINE (2001).txt</fn>
Ayodine ke minerale o mmele wa motho o o tlhokang gore boboko bo gole, boitekanelo le kgolong ya bana. Fa motho a sa bone ayodine e e lekaneng, a ka nna le maemo a a farologaneng a kakanyo le mmele a a itseweng jaaka tlhakatlhakano ya tlhaelo ya ayodine (IDD).
Bana ga ba gole sentle. Ka gale ba ba khutshwane go na le bana ba bogolo bo bo tshwanang ba ba boneng ayodine e e lekaneng.
Bana ba na le mathata a go ithuta mme ga ba dire sentle kwa sekolong.
Batho ba lapa bonolo.
Bana ba belegwa ba le bannye.
Tshenyego ya boboko e tlhagelela mo baneng.
Go fetelwa ga tlholego, jaaka batla -ba- lapile le go fetelwa.
Batho ba ka tlhoga koitere. Koitere ke borurugo mo molaleng. Seno se bontsha gore mmele o na le tlhaelo e e masisi ya ayodine.
Motho mongwe le mongwe yo o sa tseyeng ayodine e e lekaneng a ka nna le IDD.
A dirisa letswai le le se nang ayodine.
A ja dijo tse di se nang ayodine e e lekaneng.
Dijo tse di jetsweng mo mmung le/kana metsi a a nang le ayodine e e kwa tlase, ka gale di na le maemo a a kwa tlase a ayodine. Mo mafelong a le mantsi a lefatshe, go akarediwa le Aforika Borwa, ayodine mo mmung e fedile ka ntlha ya kgogolego le merwalela.
Dirisa letswai le le nang le ayodine. Lona le teng mo mabenkeleng a le mantsi a a rekisang kerosari. Mafoko "letswai le le nang le ayodine" a tshwanetse go tlhagelela mo paketeng.
Ja dijo tsa lewatle jaaka tlhapi ya metsi, fa go kgonega.
Go na le molao mo Aforika Borwa o o reng letswai lotlhe la tafole le le rekisediwang setšhaba le tshwanetse go nna le ayodine.
Letswatsana le lennye le le nang le ayodine ka letsatsi le letsatsi e lekane go thibela IDD.
Ga go tlhokege gore motho a je letswai la ayodine e e feteletseng. Go dirisa selekano se se ntsi sa letswai la ayodine ga go ne go dira motho go nna botoka kana go gola ka boleele. Mo nneteng, letswai le le ntsi le ka oketsa kgatelelo ya madi, go go leng kotsi thata.
Letswai la ayodine le lebega le go latswega ka nepo go tshwana le letswai le le se nang ayodine.
Ee, letswai la ayodine le babalesegile. Motlhagisi wa letswai o tsenya ayodine e nnye thata mo letswaing, e e lekaneng mo go se mmele o se tlhokang. Letswai la ayodine gape ga le kotsi mo bathong ba ba setseng ba bona ayodine e e lekaneng go tswa mo dijong tsa tlholego.
Tshola letswai le le nang le ayodine mo setsholeng se se omileng ka sekhurumelo se se tshwarang mo go lekaneng kana se tswaletswe mo kgetseng ya polaseteki gonne ayodine e mowafala bonolo.
Tsenya selekano se se nnye sa letswai le le nang le ayodine mo dijong fa dijo dile gaufi le go butswa, gonne karolo ya ayodine e senngwa ke bolelo ka nako ya go apaya.
Batho ba le mmalwa ba ilana kana ba tshwenngwa ke ayodine. Le gale, ba ka botsa rrakhemese wa selegae go ba oreterela letswai le le se nang ayodine.
Mongwe le mongwe o tlhoka dijo tsa mefutafuta le selekano se se nnye sa letswai le le nang le ayodine ka letsatsi go bona kgolo ya boitekanelo jo bo siameng le ya monagano le mmele o o tokafetseng.
<fn>tsn_Article_National Language Services_KANKERE YA DITHALA (2003).txt</fn>
Ke mofuta o o sa tlwaelegang wa kankere mo banneng. O tlhagelela mo dingwageng dingwe le dingwe fela o tlwaelegile thata mo banneng ba ba sa leng bašwa ba dingwaga tse 20 go ya 40. Ka gale thala e le nngwe fela e a amega. Setlhola kankere ya thala ga se itsewe. E ama banna ka nako ya fa ba tshwenyegile ka maungo a thobalano le go simolola lelapa.
Kankere ya thala e ikarabelela 0,75% go ya 1,46% ya dikankere tsotlhe mo banneng tse di begilweng kwa Rejisetareng ya kankere ka nako ya 1996 le 1997.
Banna ba ba nang le hisitori ya dithala tse di sa fologelang kwa tlase (di siamisitswe kana di sa siamisiwa). Kotsi e oketsega go fitlha go lemeno la 11. Basimanyana botlhe ba tshwanetse go tlholwa fa ba belegwa go bona dithala tse di sa fologelang.
Banna ba ba nang le tiragalo ya lelapa ya kankere yadithala.
Banna ba ba nang le bothata jwa go se ungwe.
Motho ka boena o lemoga bontsi jwa tse di sa tlwaelegang mo dithaleng. Tsela e e gaisang go bona tse di sa tlwaelegang ke ka go itlhatlhoba mo thalang.
T S E e dirwa ka manontlhotlho morago ga go tlhapa ka metsi a a bothito, go tlhapa go go bothito kana šawara. Bolelo bo dira gore kgetsana e repe, mme go dire gore go nne bonolo go lemoga dingwe le dingwe tse di sa tlwaelegang.
Tlhokomela borurugo bongwe le bongwe mo kgetsaneng.
Seipone se ka go tlhaga thuso.
Tlhatlhoba thala nngwe le nngwe ka mabogo a le mabedi. Baya tshupane le menwana e e fa gare ka fa tlase ga thala ka bokgonojwe ba beilwe mo godimo. Pitikisa thala ka bonolo magareng ga kgonojwe le menwana. O se ka wa tshoga fa thala e le nngwe e lebega e le kgolwane go na le e nngwe. Seno se tlwaelegile. Lengothe e e nang le kankere ka gale e fitlhelwa mo matlhakoreng a thala, mme a ka nna teng mo bogareng kana fa pele gadithala.
Bona sebopego se o ka reng tšhupu e e boleta fa morago ga dithala. Seno se bidiwa ephididamese, e e kgobokanyang le go rwala sepeme.
Itlwaetse sebopego se. O se ka wa e tsaya jaaka lengothe le le belaetsang.
Lengothe le lennye le le se nang setlhabi mo thaleng. Ga se mangothe otlhe a a nang le kankere.
Thala e e oketsegileng.
Go ikutlwa o le boimanyana mo thaleng kana lengamung.
Phetogo mo mokgweng o thala e utlwalang ka teng.
Seedi se ka bonako se tlalang mo kgetsaneng.
Setlhabi mo thaleng.
Fa o na le setlhabi se se feteletseng sa thala - bona thuso ka bonako.
Fa go na le mangothe, koketsego, go ruruga kana phetogo mo phopholegong e ka tlala mo kgetsang - bona ngaka.
Fa go na le kutlwalo efe kana efe ya boimanyana kana setlhabi - bona ngaka.
Fa go na kgolo ya matsele le ditlhoko le/kana maikutlo a ka bonako a kgogomogo mo kgetsaneng - bona ngaka.
Fa go sa fitlhelwe sepe se se sa tlwaelegang - tswelela ka T S E go fitlha go dingwaga tse 40/45 ka bogolo.
Kankere ya thala e a alafega, segolo fa e lemogilwe, mme ya alafiwa go sale ka pele.
<fn>tsn_Article_National Language Services_KETAPELE 1.txt</fn>
Kwa ntle ga katlego ya ikonomi, dipholisi tse di farologaneng tsa puso, mananeo a thulaganyo le dithuso tse dingwe, go sa lekane go go tlhodilweng ke tse di fetileng tsa rona go tswelela pele go ama ikonomi ya temothuo le go nna sekgoreletsi sa kgolo, tlhabololo ya ikonomi, tlhamo ya ditiro le phediso ya lehuma. Go sa lekaneng go gogolo ga mmala le ga bong mo kabong le phitlhelelo ya bohumi, lotseno, kitso le tiro go tswelela pele. Ka jalo, lephata la rona le tswelela pele go dira ka moo go sa kgotsofatseng.
Bukana e ya semmuso ya NAMC e ikaelela go sedimosa baamegi botlhe ba mo lephateng la temothuo ka ga seabe sa NAMC ka mananeo a yona a a farologaneng malebana le go netefatsa fa lephata le dira sentle le go fetolwa. Gore re tle re bebofatse tlhaeletsano, re tlametse dithulaganyo ka dintlha tsa kgolagano tsa mekgatlho e e farologaneng ya temothuo le ditheo tsa puso.
Go gakolola Tona ya Temothuo le ditlhopha tse di amiwang ka tlhamalalo malebana le dintlha tsotlhe tsa papatso tsa temothuo mo indasetering ya temothuo le ya dijo, go lebilwe ditlhokwa tsa baamegi.
Go nna mogakolodi yo o botlhokwa yo o nonofileng gape a na le bokgoni wa Tona, DoA le Indaseteri mo papatsong ya dikumo tsa temothuo.
NAMC e ne ya tlhomiwa go ya ka dikarolo 3 le 4 tsa Molao wa Papatso ya Dikumo tsa Temothuo MAPA, No. 47 wa 1996 jaaka o tlhabolotswe ke Molao No. 59 wa 1997 le Molao. No. 52 wa 2001.
NAMC e tla, fa e kopiwa ke Tona kgotsa ka tumalano ya yona, batlisisa tlhomo, tswelelo, tlhabololo kgotsa phimolo ya dikgato tsa semolao le dikgato dingwe tsa taolo tse di amang papatso ya dikumo tsa temothuo, ya sekaseka keletso, tlhokego kgotsa nonofo ya dikgato gape, fa go tlhokega, ya tshisinya kgato e nngwe malebana le tlhomo, tswelelo, tlhabololo kgotsa phimolo ya kgato ya semolao kgotsa kgato nngwe ya taolo le go begela Tona gape le go e gakolola
Khansele ya NAMC e na le maloko a Nako e e rileng a le 10 . Maloko a ga jaanong a ne a thapiwa ka di 1 tsa Mopitlwe ka 2005 mme paka ya ona e khutla kwa bokhutlong jwa Mopitlwe ka 2007.
NAMC e dira ditiro tsa yona ka mananeo a mane a setegeniki le lenaneo le le lengwe la tshegetso le le kgabaganyang.
Dikarolo tse di botlhokwa tsa tiro tsa yuniti ke Dikema tsa Papatso / AgriBEE, Kgwebo le Kgaisano. Mananeo a Tlhabololo a Papatso ke kgato e e botlhokwa e e lemogilweng ke NAMC e e ikaelelang go rotloetsa le go bebofatsa tshwaragano ya balemorui ba ba tlhagelelang mo lephateng la kgwebo ya temothuo magareng ga tse dingwe ka go rotloetsa go tsewa ga dikumo go tswa mo balemiruing ba bantsho go tsenngwa mo go tsa merero ya papatso. Nama e khibidu le madirelo a monamune a supilwe jaaka madirelo a a botlhokwa malebana le kgato e mo pakeng e khutshwane. Lephata gape le rwele maikarabelo a go gakolola Khansele mo dintlheng tse di amanang le tuelo le kgwebo le go dira tlhotlhomiso e e maleba mo karolong e. Kwa bokhutlong, lephata la Papatso & Kgwebo le ya go nna le seabe se se botlhokwa mabapi le go gokaganya tlhotlhomiso le dipuisano malebana le kgaisano mo lephateng la temothuo segolobogolo mo karolong ya papatso ya temothuo.
NAMC ga jaanong e rulaganya Mananeo a a farologaneng a Tlhabololo a Papatso a a ikaelelang go tswela temothuo ya kwa magaeng mosola. Maitlhomo-magolo a Mananeo a Tlhabololo a Papatso ke go tlamela mmaraka ka dithotloetso go reka go tswa go batlhagisi ba dikumo ba ba tlhagelelang. Maikaelelo ke go tlhabolola le go tsenya tirisong dikema di le tharo tsa tseo ka ngwaga. Se se bonwa e le tiro e e botlhokwa e e tshegetsang Kgwebo ya Temothuo le Thulaganyo ya Lephata la Tlhabololo la Kgwebo la Lefapha la Temothuo malebana le go tlhoma Dithulaganyo tse nne tsa Tiro tsa Phatlho ka Mopitlwe ka 2006. Mananeo a Tlhabololo a Papatso e ya go tlamela ka serala mabapi le go tsenya balemirui ba bantsho mo Dithulaganyong tsa Tiro tsa Phatlho.
Pholisi ya Kelotefo e kaya go tsenngwa ga lekgetho ka maikaelelo kgotsa go gogelwa morago ga lekgetho kgotsa go fetola kelo e e leng teng ya lekgetho mo kgwebong ya boditšhabatšhaba mabapi le go latela maikaelelo a tlhabololo a puso. Maikaelelo-magolo a pholisi ya kelotefo magareng ga tse dingwe ke tshireletso ya madirelo a fa gae, tokafatso ya tolamo ya maemo a tuelo le tshiamiso ya dikelotefo mo dilwaneng tse di tswang kwa ntle ga naga tse di gaisanang le dithoto tse di tshwanang le tsa fa gae. NAMC ka Lephata la yona la Papatso & Kgwebo e tla ikaelela go tlhola kamano ya tiro le ITAC le go simolola go nna le seabe se se siameng mo dipuisanong tse di malebana le pholisi ya kelotefo tse di amanang le temothuomabapi le. Tshimologo e tla nna go tokafatsa bokgoni jwa rona jwa ka fa gare jo bo yang go fitlhelelwa ka go ngoka moikonomi wa kgwebo mo pakeng e ya pegelo.
Maikaelelo a lephata ke go rulaganya le go tlhagisa ka ditiragalo ditiro tse di siameng mabapi le tshegetso ya balemirui. Lephata le ya go tlhagisa memmotlolo le go bona gore e a atlega e e yang go tlhola dikgolagano tsa kgwebo tse di yang go tshwaraganya Dikgwebo tse mo Nakong e e fetileng di neng di Kgaphetswe kwa thoko tsa kwa magaeng le lephata la kgwebo la temothuo (le le tlhabologileng).
Kgwebo e tshwanetse go amogela le go kgona go tsena mo ntlheng ya kabelano ya ditshenyegelo mabapi le tirelo e e tlhokegang ka peresente e e yang go tlhomamisiwa ke NAMC.
NAMC e ikaelela go tlhagisa letlole le le ikaelelang go thusa dikgwebo tse di mo kokoanyongtshedimosetso ya tlamelo go tokafatsa go fitlhelela ga tsona mebaraka ka go rialo di tle di godise le go maatlafatsa dikgwebo tsa tsona. Thuso e e ya go lebelela dintlha tse di jaaka katiso, tlhagiso ya thulaganyo ya kgwebo, mananeo a a malebana le bomaleba jo bo nang le boleng, kgakololo jj. Thuso e e ya go neelwa ka batlamedi ba ditirelo ba ba maleba. Pholisi ka botlalo ka ga tiriso le tsamaiso ya letlole e ya go tlhagisiwa.
Okeletsa kgwebo ya bantsho ya temothuo phitlhelelo ya mebaraka e e nang le dipoelo gape e ikanyega.
ATAF ga e kgone go neelana ka ditšhelete (sekoloto kgotsa tekatekano) kgotsa go reka dithoto tsa mofuta mongwe le mongwe. Se se akaretsa dijanaga, dikago, didirisiwa kgotsa setheo. ATAF gape e ka se kgone go dirisiwa jaaka letlole la kadimo ya madi kgotsa letlole la peeletso ka mokgwa mongwe. Letlole la DoA AgriBEE le le yang go tlhomiwa fa gautshwane le ya go lebisiwa go thusa diteransekešene tse di maleba tse di tlhagisitsweng ka tiriso ya ATAF ka ditšhelete.
Tlhagisa kokoanyotshedimosetso ya tlamelo ya dikgwebo tse mo nakong e e fetileng di neng di kgaphetswe kwa thoko mo Aforika Borwa.
Go golaganya ba ba leng mo kokoanyongtshedimosetso le mebaraka e e ikanyegang.
Thotloetso ya Thomelontle.
Sebontshi se se botlhokwa sa Lephata la Tlhabololo ya Kgwebo (lephata la ED) ke go rulaganya loeto lwa katlego lwa go iponagatsa kwa pontshong ya kgwebo malebana le dikgwebo tse di leng mo kokoanongtshedimosetso ya tlamelo. Loelo lo ya go dirisediwa go thusa dikgwebo tse mo nakong e e fetileng di neng di kgaphetswe kwa thoko tse di leng mo kokoanongtshedimosetso ya tlamelo e bile di bontshitse di kgona go gaisana mo mebarakeng ya Aforika Birwa go bona mebaraka e e nang le dipoelo ya thomelontle.
Lephata la ED ka dikgokaganyo tsa lona le ya go bebofatsa dikolaganyo magareng ga bareki le batlamedi. Maikaelelo a lenaneo le ke go oketsa phitlhelelo ya mebaraka ya dikgwebo tse di mo kokoanongtshedimosetso ka go supa le go bona tshegetso ya bareki ba bagolo ba kumo ya temothuo mo Aforika Borwa.
Dikgolaganyo tsa tlamelo di simolola ka se kgwebo ya temothuo e se tlhagisang kgotsa se e kgonang go se tlhagisa. Mmaraka o tshwanetse go bonwa malebana le kumo ya yona. Lephata la ED le ya go dirisa ATAF ya lona fa go tlhokegang go bebofatsa dikgolaganyo mo ntlheng yotlhe ya tlamelo.
Dikgolaganyo tsa topo di simolola ka se mmaraka o se batlang. Dikgwebo tse dikgolo tsa temothuo di batla batlhagisi ba bannye go ba tlamela ka diphatlho go diragatsa bontsi jo bo kopiwang mo thulaganyong ya tsona kgotsa mo dikonterakeng tsa tsona tsa tlamelo le basekaseki le barekisi ba dithoko ka bontsi. Lephata la ED le ya go dirisa ATAF go tshegetsa dikgwebo tsa temothuo tse di kgonang go dirisa tšhono ya dikgolaganyo tse di tlhagisitsweng.
Lephata le le samagana le dintlha tsotlhe tse di amanang le dikgato tsa semolao. Molao wa Papatso ya Dikumo tsa Temothuo wa 1996, o tlhagisa dikgato tsa semolao di le tlhano, e leng makgethwana a semolao, direkhoto le dipoelo, kwadiso, taolo ya diyantle tsa dikumo tsa temothuo le tsa merero ya ditirelo. Ga jaanong go na le madirelo a le lesome a a dirisang makgethwana a semolao, fa madirelo a le 14 a dirisa direkhoto & dipoelo le kwadiso.
Go batlisisa dikopo tse dintšhwa mabapi le tlhagiso ya dikgato tsa semolao le go dira dikatlanegiso go Tona malebana le dikgato tsa semolao tse di tshisintsweng.
Therisano le ditlhopha tse di amiwang ka tlhamalalo go tlhomamisa maemo a tshegetso mabapi le dikgato tsa semolao tse di tshisintsweng.
Go tlhokomela gore madirelo a a maleba a obamela maemo a kamogelo mabapi le dikgato tsa semolao.
Go tlhagisa dipholisi tse di amanang le dikgato tsa semolao.
Kwadiso le NAMC jaaka Setlhopha se se Amiwang ka Tlhamalalo.
Go ya ka karolo 20 ya MAPA, NAMC e kopiwa go somarela rejisetara ya ditlhopha tse di amiwang ka tlhamalalo ke Molao kgotsa tse go nang le kgonagalo ya go ka amiwa ka tlhamalalo ke Molao le go e tlhabolola ngwaga le ngwaga. Tsona e ka nna ditlhopha tsa batlhagisi ba dikumo, barulaganyi, badiri, babapatsi le badirisi ba kumo e e rileng.
Tlhaeletsano e e nonofileng magareng ga NAMC le ditlhopha tse di amiwang ka tlhamalalo.
NAMC e ikaelela go tlhola le go tsweleletsa mokgatlho wa ntlha wa tlhotlhomiso ya papatso ya temothuo. Gape, NAMC e ya go aba matlole malebana le katiso ya dialogane tsa temothuo mo Diyunibesithing tsa Aforika Borwa.
NAMC e ya go dirisa kaelo mo karolong ya bo7 ya Molao wa Papatso go dira komiti ya dipatlisiso ya karolo ya bo7. Nngwe ya dithuso tsa Komiti ya bo 7 ke gore mo Komiting ya mothale oo, baemedi ba ditlhopha tse di amiwang ka tlhamalalo mo ntlheng ya boleng ba ka kgona go sekaseka dintlha tse di maleba mme morago ba rulaganye pegelo ya kgakololo e e nang le dikatlanegiso mme ba e romele kwa Khanseleng. Morago ga go sekaseka pegelo, Khansele e tla romela pegelo go Tona.
NAMC e ya go sekaseka le go tlhokomela tsenyotirisong ya dikatlanegiso tsotlhe tsa dipegelo tse di fetileng tsa komiti ya Karolo ya bo7. Tokomane ya dikatlanegiso tse di fetileng e setse e rulagantswe.
NAMC e ya tlhola Letlole la Tlhotlhomiso la bokana ka R3,4 jwa dimilione le le tlhagelelang mo matloleng a ngwaga wa ditšhelete wa 2005/06, tekanyetsokabo ya 2006/07 le mo tshegetsong ya matlole go tswa kwa mekgatlhong ya boditšhabatšhaba ya tlhotlhomiso. Letlole le ya go sirelediwa go tila go dirisediwa ditiro tsa tsamaiso. Ka letlole le, NAMC e ya go kopa diyunibesithi tsotlhe le Ditheo dingwe tsa Tlhotlhomiso tse di amegang mo tlhotlhomisong ya tlhabololo le papatso go romela ditshisinyo tsa go dira tiro ya tlhotlhomiso.
Jaaka leano la go kokoanya matlole a mangwe, NAMC e ya go dirisa bokana ka R3,5 jwa dimilione go kokoanya matlole a mangwe go tswa kwa Ditheong di tshwana le Diterasete tsa Madirelo, Diforamo, Setheo sa Baabi.
DIBASARI: Karolo ya Letlole la Tlhotlhomiso ya Ikonomi e ya go dirisediwa go tlhabolola bokgoni jwa dialogane tsa temothuo ka katiso kwa Diyunibesithing tse di farologaneng tsa Aforika Borwa. Letlole la tla neelana ka dibasari go baithuti ba ba ithutelang M.SC le PhD ka ga Diikonomi tsa Temothuo. Dialogane di ya go solofelwa go dira dithesese tsa bona ka ditlhogo tseo tse di yang go lebelela dintlha tse di supilweng mo dithitokgang tsa tlhotlhomiso. Maitlhomo e tla nna go tlhola bontsi jwa barutegi ba ba maleba ba ba tla dirang mo NAMC le mo badirisaning ba yona mo mererong e e farologaneng.
<fn>tsn_Article_National Language Services_KETAPELE 4.txt</fn>
Maitlamo a AforIka Borwa a gore go nne le phitlhelelo ya tshedimosetso a tlotla boitlamo jwa rona jwa molaotheo jwa go tsenya tirisong tshwanelo ya botlhokwa ya phitlhelelo ya tshedimosetso e e mo diatleng tsa Puso gongwe tshedimosetso e e mo ditheong tsa poraefete.
Molao ono ke kgato e kgolo ya tlhabololo fa go lebelelwa boswa jwa sephiri jo re bo fitlhetseng go tswa mo dingwageng tse dintsi tsa puso e e neng e sa re sepe ya bonnye. Ka Molao ono re tshuba lebone go fedisa bosephiri le tidimalo e e neng e le karolo ya puso le tsamaiso ya tlhaolele.
Maitlhomomagolo a Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa bo2 wa 2000, ke go tlamela ka tshwanelo ya phitlhelelo ya tshedimosetso e e mo diatleng tsa Puso le ditheo tsa poraefete.
Tshwanelo eno e tla godisa gore go bewe dilo mo pepeneneng, go rwalwe maikaraelo gammogo le tsamaiso e e bokgoni ya ditheo tsa setšhaba le tsa poraefete. Go ya ka tshwanelo eno, e tla thusa gape batho ba rona go nna le seabe se se tletseng gammogo le go tsaya ditshwetso ka kitso jaaka re bopa sešwa setšhaba sa rona ka tshedimosetso.
O agelela gape mo motheong wa rona wa go godisa setšhaba se mo go sona batho ba Aforika Borwa ba nang le phitlhelelo e e bokgoni ya tshedimosetso e e tla ba kgontshang go diragatsa ka botlalo gammogo le go sireletsa ditshwanelo tsotlhe tsa bona.
Batho ba naga eno ba romile puso ya rona gore e diragatse diphetogo tse di tla tokafatsang boleng jwa matshelo a MaAforika Borwa otlhe. Molao ono o tla tiisa motheo ono o o tiileng o re agelelang mo godimo ga ona, mo maitekong a rona a puso e e lolameng e e maikarabelo.
Tiro e kgolo ya Molao wa Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa 2000, o o goeleditsweng ka kgwedi ya Mopitlwe 2001, ke gore go nne le seemo se mo go sona batho baagi ba Aforika Borwa ba nang le bokgoni jwa go fitlhelela tshwanelo ya go bona tshedimosetso. Molao ono o montšhwa ga o kgontshe MaAforika Borwa go diragatsa ditshwanelo tsa bona ka botlalo fela, ntlha ya botlhokwa go gaisa ke ya gore o sireletsa ditshwanelo tsotlhe tsa bona jaaka di tlhagelela mo Molaotheong. Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso ke sediriswa sa botlhokwa mo go kopanyeng ditlamelo tse di mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo jaaka o fitlhelwa mo Molaotheong.
Temokerasi ya rona ya Aforika Borwa e ikaegile ka dipilara tsa kgololesego, tekatekano gammogo le go tlotla seriti sa botho. Molao ono o montshwa ke karolo ya botlhokwa mo thulaganyong ya go lere diphetogo ka ntlha ya fa o konotelela motheo o o adilweng ka Molaotlhomo wa Ditshwanelo.
Se se neng se tlwaelegile ka puso ya tlhaolele e ne e le gore ditiro tsa puso gammogo le tsamaiso ya yona di ne di aparetswe ke sephiri le tidimalo, go bipiwa ditiro tsa bobodu le tse di seng ka fa molaong. Ka ditlhopo tsa temokerasi tsa ngwaga wa 1994, re tlhagotse tsela e ntšhwa e e rotloetsang mokgwa wa go baya dilo mo pepeneneng gammogo le go rwala maikarabelo.
Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso o naya baagi ba Aforika Borwa tshono ya go nna le bokgoni jwa go fitlhelela tshedimosetso go tswa mo pusong le mo ditheong tsa poraefete.
Molao ono o montšhwa o tlaleletsa botlhokwa jwa gore ditheo tsotlhe di dire gore ka gale di dire ditiro tse di mo molaong le go rwala maikarabelo a ditiro tsotlhe tsa tsona. Molao ono o montšhwa o goeleditswe e le kgato e nngwe ya go netefatsa botshelo jo bo botoka ka go tlamela baagi fela ka tshono ya go filthelela tshedimosetso e e leng gore kwa bofelong e ka dira gore ditheo tsa poraefete le tsa setšhaba di rwale maikarabelo a ditiro tsa tsona.
Molaotheo o netefaletsa motho mongwe le mongwe, tshwanelo ya thuto ya ntlha le e e tswelelang. Maikarabelo a ntlha le tiro ya Lefapha la Thuto ke go netefatsa gore tshwanelo eno e a fitlhelelwa. Mo maitekong a go fitlhelela tshwanelo eno, Lefapha le ikaelela go rebola ditlamelo le ditshono go baithuti botlhe ka maikaelelo a go siamisa go tlhoka tekatekano ga mo malobeng, ka dipholesi le mananeo a a siametseng batho, ditlhopa tsa batho gammogo le baagi ba ba ganetsweng ka ditshono mo nakong e e fetileng. Go fitlhelela maithomo ano, Lefapha le rulagantse dipopegotheo tsa tsamaiso le ditiro tsa go diragatsa maikarabelo a lona a Molaotheo gammogo le go thusa gore baagi ba Porofense ya Kapa Bokone ba nna le seabe se se tletseng mo tsamaisong ya thuto. Dipopegotheo tseno di lebeletse tiriso e e bokgoni ya ditlamelo, tsamaiso e e lolameng ya ditšhelete, tsamaiso ya badiri gammogo le togamaano e e bokgoni.
Go bonagetse gore, go netefatsa gore go diragadiwa ditiro le seabe sa lefapha sentle; go tshwanetse ga nna le popegotheo e e bokgoni. Go rolelwa ga dithata tsa Lefapha kwa dikgaolong tse nne tsa lona, go dirilwe ka maikaelelo a go godisa phitlhelelo ya ditirelo tse Lefapha le tlamelang ka tsona. Popegotheo e e feletseng e e bontshang diyuniti di le mmalwa tse di kopaneng, ditiro tsa tsona gammogo le diphatlatiro tsa teng, e manegilwe mono jaaka Mametlelelo A.
Go ya ka Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso, Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso o tla thapiwa go thusa Motlhankedi wa Tshedimosetso yo o thapilweng mo Porofenseng mme tiro ya gagwe e tla nna go tsamaisa thulaganyo ya phitlhelelo ya tshedimosetso/ direkoto. Go feta moo, Motlhankedi wa Tshedimosetso o thapile Ditlhogo tsa Mafapha a Porofense, go akarediwa Tlhogo ya Lefapha la Thuto, jaaka Batlatsamotlhankedi wa Tshedimosetso go mo thusa ka tiro ya gagwe.
Go ya ka molao ono o montšhwa: Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa 2000, motho mongwe le mongwe o na le tetla ya go kopa phitlhelelo ya tshedimosetso nngwe le nngwe e e tshotsweng ke mmuso gongwe setheo sengwe le sengwe sa setšhaba. Gore motho a kgone go fitlhelela tshedimosetso, motho o tshwanetse go tlatsa foromo ya kopo ya phitlhelelo ya tshedimosetso. Foromo e tlapisitswe fano jaaka Mametlelelo E. Foromo eno e tshwanetse go romelwa go Motlatsamotlhankedi wa Tshedimosetso kwa dintlheng tse di fa godimo tsa kgolagano.
Motlatsamontlhankedi wa Tshedimosetso o tla swetsa gore a motho yo o dirang kopo ya tshedimosetso ke mokopi wa sebele (a kopa tshedimosetso ya gagwe ka sebele). Fa e le mokopi wa sebele ga a kitla a tlhoka go duela tuelo ya kopo. Fela fa e le mokopi (tshedimosetso e nngwe) foo gona o tshwanetse go duela tuelo ya kopo ya bokana ka R35.00 pele ga go ka simololwa ka go batla rekoto. Ka jalo, ga go kitla go tswelelwa ka kopo fa go ise go duelwe tuelo eo ya ntlha.
Fa tuelo e setse e dirilwe, Mothusamotlhankedi wa Tshedimosetso o tla laela badiri ba ba maleba go goga direkoto/ rekoto e e amegang.
Fa rekoto e setse e gogilwe, Mothusamotlhankedi wa Tshedimosetso o tla e sekaseka mme a swetse gore a e na le pabalesego e e fitlhelwang ka fa tlase ga Molao.
Fa phitlhelelo e ka rebolwa, mokopi/ mokopi wa sebele otla itsesewe ka ditshenyegelo tse di tshwanetseng go duelelwa go tlhagisiwa gape ga rekoto.
Fa go sena go amogelwa tuelo tse di maleba, go tla dirwa dikhopi tsa rekoto gongwe karolo ya yona e go rebotsweng tetla ya gore e fitlhelelwe mme e romelwe go motho yo o kopileng tshedimosetso.
Fa e le gore phitlhelelo ga e a rebolwa, motho yo o kopileng phitlhelelo ya yona, o tla itsesewe ka seo gammogo le mabaka a kganelo eo, gammogo le dithulaganyo tse di maleba tsa boikuelo tse a ka di latelang.
Direkoto tse di fitlhelwang mo Lefapheng la Thuto di ka aroganngwa go ya ka direkoto tsa makwalo le direkoto tse dingwe tse e seng makwalo (direkoto tse dingwe).
Makwalo a laolwa le go tsamaisiwa go ya ka dithulaganyo di le pedi tsa go faela tse di reboletsweng go dirisiwa mo kantorong ke lephata la Diakhaefe la Porofense. Makwalo otlhe a a malebana le merero ya badiri a tsamaisiwa ke Thulaganyo E E Tshwanang ya go Faela ya Ditiro tsa Badiri; makwalo otlhe a a malebana le ditiro tsa tshegetso a laolwa ke Thulaganyo E E Tshwanang ya go Faela ya Ditiro tsa Badiri. Makwalo otlhe a a malebana le ditiro tsa ka gale tsa lefapha di tshwana le diyuniti tsa Lefapha (ntle le tsamaiso le ditšhelete) a tsamaisiwa ka Thulaganyo ya go faela ya Ditiro tsa Ka Gale. Dithulaganyo tseno tse di tshwanang tsa go faela di tshwanetse go dirisiwa mo mafapheng otlhe a Tsamaiso ya Porofense ya Kapa Bokone. Difaele tsa batho tse di butsweng go ya ka dithulaganyo tse tharo tseno di kailwe mo Rejisetareng e e mametleletsweng fano ya Difaele tse di Butsweng.
Direkoto tse dingwe di laolwa le go tsamaisiwa go ya ka sejule ya Taolo ya Direkoto e ga jaana e iseng e rebolwe ke lephata la Diakhaefe tsa Porofense.
Lephata la Mokhuduthamaga wa Thuto le na le thulaganyo ya lona e e rebotsweng ya go faela mme ga e a tshwanela go dirisiwa ke maphata a mangwe a Lefapha.
a. DIPOTSISO TEBANG LE PHOLESI MME DI SA LEBISE KWA GORENG GO TLHAMIWE PHOLESI E NTŠHWA KGOTSA THANOLO E E BAAKANTSWENG YA PHOLESI E E GONA.
b. GO SAMAGANA LE DIKGETSE TSA BATHO KA BONGWE KA BONGWE MME DI SA LEBISE KWA GO RENG GO TLHAMIWE PHOLESI E NTSHWA GONGWE GO BAAKANGWA GA PHOLESI YA GA JAANA.
c. DIKGETSE TSE DI MALEBANA LE NTLHAKGOLO GONGWE DINTLHANA KA KAKARETSO, FELA E SE MERERO YA PHOLESI, GAMMOGO LE DINTLHA TSE DI TLHAOTSWENG TSA MORERO O O RILENG O GO SENANG FAELE YA ONA. MO MABAKENG A A JALO, MOTSAMAISI WA DIREKOTO O TSHWANETSE GO BUISANA LE MOAKHAEFE WA POROFENSE GORE GO TLE GO BULWE DIFAELE TSE DI MALEBA.
Lebelela motseletselepotlana L2.
Ketleetso ya baithuti ka tiriso ya Bakonteraka Lebelela Serisipotlana L2.1.1.
Malebana le tiriso e e botlhaswa ya diritibatsi le nnotagi malebana le tlhokomelo ya seemo sa tlhaloganyo sa baithuti, lebelela serisipotlana 3.5.
Malebana le tiriso e e botlhaswa ya diritibatsi le nnotagi malebana le tlhokomelo ya seemo sa tlhaloganyo sa baithuti, lebelela serisipotlana 3.5.
Mabapi le patlomaikutlo e e ka ga ditirelo tsa kharikhulamo le tlhatlhobo fela.
Lebelela serisipotlana 4.9.2.
Lebelela serisipotlana 4.9.2.
Dithulaganyo tsa ditlhatlhobo tse di tlhomameng tsa tiragatso le tsa molomo lebelela serisipotlana 4.9.2.
Lebelela serisipotlana 4.9.2.
Bulela ngwaga mongwe le mongwe wa dithuto faele mme o faele ka ngwaga, go fa sekai. L4.9.2.
Porojeke ya I.C.
Taolo ya sejule e mo magetleng a Motsamaisi wa Direkoto. Ga go a tshwanela go dirwa dipaakanyo le/ kgotsa ditlaleletso dipe mo sejuleng ntle le tumelelo ya motlhankedi yono.
Dipaakanyo tsotlhe le ditlaleletso di tshwanetse go tlisiwa gangwe le gape go Moakhaefe wa Porofense gore a di kwale, a di rebole mme a ntshe tetla ya gore di tlosiwe.
Khopikgolo ya sejule ya taolo ya direkoto e faelwa mo sephuthelong se sele mme e supiwa jalo mo sephuthelong se se ka fa ntle. Khopi e tsholwa ke motlhankedi yo o kailweng fa godimo yo o tshwanetseng go netefatsa gore e tsholwa e le mo dinakong le gore ditaelo tsa tema 2 di a tswelediwa.
Fa go setse go rebotswe tetla ya go tlosiwa ga dilo tse di mo sejuleng ya taolo ya direkoto, go tshwanetse ga tsenngwa tirisong rejisetara ya tshenyo. Rejisetara eno e arogantswe ka dingwaga, go fa sekai, 2002, 2003, 2004, jalo le jalo. Fa ntlha e tswalwa, nomorotshupetso ya yona e tshwanetse go tsenngwa ka fa tlase ga ngwaga e e tla senngwang ka yona. Ka jalo, ntlha e e tswetsweng ka ngwaga wa 2002, e taelo ya yona ya go senngwa e leng D3, e tla tsenngwa ka fa tlase ga ngwaga wa 2005, mme ka go dira jalo go lemosega sentle gore ke dintlha dife tse di tshwanetseng go senngwa mo ngwageng o o rileng. Go atlenegisiwa tiriso ya setlami se se sa kopanang gonne go sa kgonege gore go ka itsewe pele ga nako, palo ya ditsebe tse di tla tlhokegang ka ngwaga.
Go tshwanetse ga tlosiwa dilo gangwe le gape - bonnye gangwe ka ngwaga - mme fa go dirwa jalo, setifikeiti se se rebotsweng sa tshenyo se isiwe go Moakhaefe wa Porofense.
Dilo tsotlhe di tshwanetse go supiwa mo sephuthelong se se ka fa ntle ka nomoro le leina jaaka di tlhagelela mo sejuleng ya taolo ya direkoto gammogo le ka taelo e e maleba ya tshenyo. Nomoro le taelo ya tshenyo di tshwanetse go kwalwa mo bolokong ya khutlonne.
A2O. - Fetisetsa go botsenyo jwa diakhaefe mo dingwageng di le 20morago ga bokhutlo jwa ngwaga e direkoto di dirilweng ka ona.
AP - Di ka nna mo matsogong a setheo sebaka se se sa lekanyediwang. Fa go tlosiwa, sekai, fa kantoro e tswalelwa gongwe go tlosiwa dithoto, di tshwanetse go fetisediwa kwa botsenyong jwa diakhaefe.
DAU - Senya ka gangwe fela fa go sena go fediwa go runiwa.
Go sa akarediwe 2. Rejisetara ya difaele Bokwadisetso jwa bogareng direjisetara tsa tse di butsweng ditshelete. 3.
ELEKETORONIKI Direkoto tseno ga se karolo ya thulaganyo ya eleketoroniki tsamaiso ya DIREKOTO e e rebotsweng mme ka jalo ga di ise di tsenngwe mo lenaaneng. Di gona mme ga jaana di beilwe mo dikhomphiutareng tsa batlhankedi ba ba thapilweng ke Lefapha.
Bontsi jwa direkoto tseno bo teng ka dikhopi tse di thata mme di bonwa mo difaeleng tsa makwalo tsa lefapha. Go tsweletswe ka maano a go simolola taolo e e fomale ya bogareng ya dikoto tsotlhe tsa direkoto tsa eleketoroniki.
Dipegelo tsa ngwaga le ngwaga gammogo le dipegelo tsa tswelelopele (Lebelela Sejule ya Taolo ya Direkoto gammogo le Rejisetara ya Difaele tse di butsweng).
Ditekanyetsokabo gammogo le makwalo a a mapabi le tseo (Lebelela Sejule ya Taolo ya Direkoto gammogo le Rejisetara ya Difaele tse di butsweng).
Popegotheo e e amogetsweng ya lefapha.
Dikanego tsa ngwaga le ngwaga tsa Ditshelete tsa Lefapha.
Direkoto tsotlhe tse di phasaladitsweng o Website ya Lefapha.
Direkoto tsotlhe tse di sa kaiwang fa godimo di bontshiwa mo Rejisetareng ya Difaele tse di Butsweng gammogo le Sejule ya Taolo ya Direkoto. Motho yo o eletsang go fitlhelela tseno o tshwanetse go dira kopo ya go di fitlhelela ka boena.
Ke maikarabelo a lefapha go tlamela setshaba ka tirelo ka dikolo tsa lona gammogo le dikarolo tse di farologaneng tsa tsamaiso. Popegotheo le ditiro tsa karolo nngwe le nngwe ya Lefapha di akareditswe mo manyualeng ono jaaka Mametlelelo A. Ditirelo tseno di ka fitlhelelwa ka go ikgolaganya le Kantoro ya Motlatsa Mokaedi-Kakaretso. Go tlaleletsa mo ditirelong tse di tlamelwang kwa Kantorokgolo, ditiro tsotlhe ntle le tse di fitlhwelwang kwa dikantorong tsa Mokhuduthamaga, le Motlatsa Mokaedi-Kakaretso gammogo le Mokaedimogolo, di ka fitlhelelwa kwa dikgaolong tse nne tsa Lefapha. Go fitlhelela ditirelo tseno, o ka ikgolaganya le dikantoro tsa Batsamaisi ba ba farologaneng ba ditereke.
Lenaane la dikolo tse di laolwang ke Lefapha la Thuto le akareditswe mo manyualeng ono jaaka Mametlelelo B.
Ka mananeo a "Kabinete e kopana le batho" le "Kabinete e kopana le Baswa" Khanselekhuduthamaga e amogela ditshwaelo tsa batho tse di ka susumetsang go tlhangwa ga pholesi gongwe tiragatso ya ditiro tsa yona. Go feta moo, dtshwetso tsa Khanselekhuduthamaga di kaelwa gape ke ditlhokego tsa baagi tse di tlhagisiwang kwa dikopanong go ya ka tse e leng ditlhokwa tsa pele.
Fa Motlhankedi wa Tshedimosetso a ka gana go rebola tetla ya phitlhelelo ya rekoto nngwe fela e e tshotsweng ke Mmuso, kgotsa Setheo sa Setshaba, motho yo o dirang kopo ya tshedimosetso o na le tshwanelo ya go dira boikuelo kgatlhanong le tshwetso eo. Karolo e nngwe ya seno ke ya gore, fa go ka rebolwa tetla ya phitlhelelo ya rekoto e e amang motho mongwe wa boraro, motho yoo wa boraro o na le tshwanelo ya go ikuela kgatlhanong le tshwetso eo. Boikuelo joo bo tla sekwasekwa ke Bothati jo bo maleba. Bothati jo bo Maleba bo tla sekaseka kopo le rekoto go ya ka dithebolo tsa Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa 2000.
Fa go ka fitlhelwa gore kopo eo e ganetswe go ne go sa tshwanela, Bothati jo bo Maleba bo tla busetsa morago tshwetso ya ntlha ya Motlhankedi wa Tshedimosetso mme bo rebole tetla ya go fitlhelela rekoto. Jaanong mokopi o tla itsesewe ka tshwetso eo gammogo le dituelo tse di maleba tse di tshwanetseng go duelelwa go tlhagisiwa gape ga rekoto eo gongwe karolo ya yona.
Mo go fitlhelwang gore Bothati jo bo Maleba bo tshegetsa tshwetso ya Motlhankedi wa Tshedimosetso ya go gana ka tetla ya phitlhelelo ya rekoto, mokopi o tla itsesewe ka tshwetso eo. Mokopi o tla itsesewe gape ka dikgato tse dingwe tsa tshiamiso.
Fa go setse go dirisitswe dikgato tsotlhe tsa tshiamiso tsa ka fa gare jaaka di supilwe ke Setheo sa Setshaba, mokopi o na le tshwanelo ya go ikuela kwa kgotlatshekelo.
Bo tshwanetse go tsenngwa mo foromong e e rebotsweng (jaaka go totobaditswe ke Setheo sa Setšhaba) mo sebakeng sa malatsi a le 60 le malatsi a le 30 fa e le boikuelo jwa motho wa boraro.
Bo tshwanetse go isiwa gongwe go fetisediwa go Motlhankedi wa Tshedimosetso wa setheo sa setšhaba se se amegang kwa dintlheng tsa gagwe tsa kgolagano.
Bo tshwanetse go supa setlhogo sa kgang ya boikuelo jwa ka fa gare.
Bo tshwanetse go supa mabaka a boikuelo jwa ka fa gare.
Bo ka akaretsa tshedimosetso e nngwe le e nngwe e e maleba e motho yo o dirang boikuelo a nang le yona.
Fa motho yo o ikuelang a batla gore mo godimo ga karabo e e kwadilweng, a ka arabiwa ka mokgwa mongwe gape, o tshwanetse go tlhalosa gore o eletsa go itsesewe jang ka seno gammogo le go tlamela ka dintlha tse di maleba gore a tle a itsesewe ka mokgwa oo.
Fa go ka nna le tuelo ya boikuelo, e tshwanetse go tla le boikuelo jo bo kwadilweng fa bo ya go Motlhankedi wa Tshedimosetso. Tuelo e e rebotsweng ya boikuelo, fa e le gona, e tshwanetse go duelwa. Fa go ka seke ga duelwa tuelo ya boikuelo, tshwetso ya boikuelo joo e ka emisiwa go fitlhelela ka nako e go tla bong go duetswe.
Boikuelo jo bo kwadilweng bo tshwanetse go tlhalosa aterese ya poso gongwe nomoro ya fekese.
Fa boikuelo bo tsenngwa morago ga paka e e beilweng, e leng ya malatsi a le 60/ 30, Bothati jo bo Maleba bo tshwanetse gore morago ga go amogela mabaka a a utlwalang, bo letle gore go tsenngwe boikuelo jo bo thari jwa ka fa gare. Fa bothati jo bo maleba bo sa letle gore go tsenngwe boikuelo jo bo thari jwa ka fa gare, bo tshwanetse go itsese motho yo o tsentseng boikuelo jwa ka fa gare ka tshwetso eo.
Dintlha tsa kgokagano tsa motho mongwe le mongwe wa boraro yo o tshwanetseng go itsesewe.
Fa Bothati jo bo Maleba bo sa ntse bo lebeletse boikuelo jwa ka fa gare kgatlhanong le kganelo ya kopo ya phitlhelo ya rekoto e e amang motho wa boraro, Bothati jo bo Maleba bo tshwanetse go itsese motho yoo wa boraro ka ga boikuelo jwa ka fa gare, ntle le fa dikgato tsa go batla motho wa boraro di iteile se folletse. Mo mabakeng a mo go ona motho wa boraro a itsisetsweng, motho wa boraro o tshwanetse go letlelelwa go dira tlhagiso e e kwadilweng gongwe ya molomo.
Fa motho wa boraro a sa bonagala, ntlha ya gore motho wa boraro ga a nna le tshono ya go dira tlhagiso le gore goreng boikuelo jwa ka fa gare bo tshwanetse go tshololwa.
Bothati jo bo Maleba bo ka tlhomamisa tshwetso ya ntlha gongwe a ka ntsha tshwetso e ntshwa. Tshwetso ya boikuelo jwa ka fa gare e tshwanetse go dirwa mo sebakeng sa malatsi a le 30 morago ga go amogela boikuelo jwa ka fa gare. Morago fela ga gore go tsewe tshwetso, Bothati jo bo Maleba bo tshwanetse go itsese motho yo o dirileng boikuelo ka tshwetso, motho mongwe le mongwe wa boraro gammogo le mokopi, mme bo leke ka moo go ka kgonegang ka gona gore go itsesewe motho yo o dirileng boikuelo ka sebopego se a se kopileng.
Tlhagisa gore maphata a a amegang, e leng, motho yo o dirang boikuelo, motho wa boraro jalo le jalo, ba ka tsenya kopo ya kgotlatshekelo kgatlhanong le tshwetso ya boikuelo jwa ka fa gare mo sebakeng sa malatsi a le 60 kgotsa 30 (motho wa boraro).
Fa go setse go diragaditswe dithulaganyo tsotlhe tsa boikuelo jwa ka fa gare, mokopi o na le tshwanelo ya go fitlhelela kgotlatshekelo go ikuela go ya pele.
<fn>tsn_Article_National Language Services_KGOELETSO (2004).txt</fn>
Neetswe ka Tshaeno ya me le Taolelo ya Rephaboliki ya Aforika Borwa kwa ka letsatsi le ...la ...
<fn>tsn_Article_National Language Services_KGWEDI YA NGWAO-BOSWA (2004).txt</fn>
Lefapha la Botsweretshi le Setso, ka tumalano le DiTona tsa Bosetšhaba le Bakhuduthamaga ba ba rweleng maikarabelo a setso, kwa kopanong ya bone ya MINMEC ya Mopitlwe 2004, tshotse thitokgang "Keteko ya Ngwao-Boswa "(se re se Dirang mo Botshelong) mo Ngwageng wa Bolesome mo Demokerasing ya rona".
Thitokgang e, e tla dirisiwa mo dingwageng tse tharo tse di tlang go fitlha mafelo a Lwetse 2007. Lefapha, ka togamaano e, le ikaeletse go dirisa kgwedi ya Ngwao-Boswa jaaka sediriswa sa ponelopele ya paka-telele ya go kokoanya, go tlhokomela, go sireletsa, go tsweletsa le go anamisa ngwao-boswa jo bo tshelang /ngwao -boswa jo bo sa tshwaregeng.
Go botlhokwa go itse gore se pholisi le ditokomane tsa peomolao tsa Aforika Borwa di se kayang e le ngwao-boswa, boditšhabatšhaba (UNESCO) se itsege jaaka Setso Ngwao-Boswa jo bo sa Tshwaregeng. Ka paakanyo sešweng jaana ga Kokoano Boditšhabatšhaba tebang le Tshireletso Boditšhabatšhaba ya Setso ngwa-Boswa jo bo sa Tshwaregeng, mokgwa o mošwa o gola ka lobelo o ka one batseneledi ba ngwao-boswa le badiragatsi ba simololang go dirisa Ngwao-Boswa jo bo Tshelang le setso Ngwao-Boswa jwa Bo sa Tshwaregeng ka thefosano. Fa mongwe a bua ka ga ngwao-boswa jo bo tshelang go a tlhaloganyesega gore dipuisano di ka ga setso ngwao-boswa jo sa tshwaregeng le ka tsela e nngwe.
Tlhaloso jaaka go tlhagisitswe mo Molaong wa Khansele ya Bosetšhaba ya Ngwao-Boswa (Molao No 11 wa 1999) le Molao wa Bosetšhaba wa Didiriswa tsa ngwao-Boswa (Molao No 25 wa 1999).
Molebo o o anameng wa tlhago, loago dikamano tsa morafe.
Tebang le Kokoano e - "Setso Ngwao-Boswa jo bo sa Tshwarweng" bo kaya ditlwaelo, dikemedi, ditlhagiso, kitso, bokgoni - gammogo le didiriswa, dilo, boitlhamedi le setso se se golaganang le tsona - gore setšhaba, ditlhopha le, mo mabakeng mangwe, batho ka bobone ba lemoga jaaka karolo ya setso ngwao-boswa jwa bone, bo fetisediwa go tswa kwa dikokomaneng tse dingwe go ya kwa go tse dingwe, e tsweletse go tsosolosiwa ke setšhaba le ditlhopha mo go tsibogeleng tikologo ya bona, kamano ya bone le tlhago le histori ya bone, mme e ba naya maikutlo go itsane le tswelelopele, ka jalo e rotloetsa tlotlo ya dipharologano tsa setso le boitlhamedi jwa batho. Ka ntlha ya Kokoano e, go tla gopolelwa setso ngwao-boswa ya go nna jalo jaaka go dumalana le didiriswa tse di leng teng tsa ditshwanelo tsa botho boditšhabatšhaba fela jaaka ditlhokego tsa go tlotlana magareng ga setšhaba, ditlhopha le batho ka nosi gore go nne le tlhabololo e e tswelelang.
a Ditlwaelo le ditlhagiso ka puo, go akaretsa jaaka sediriswa se se sa ngwao-boswa jo bo sa tshwarweng.
Ditlhaloso tse di fetileng (go ya ka peomolao ya Aforika Borwa le Peomolao ya Boditšhabatšhaba) di bua ka ga selo se le sengwe. Diponagalo tse di tlhagelelang thata ke ditlwaelo tsa puo, tiragatso, meetlo le kitso ya tlhago, dikamano tsa setlhopha le tsa loago. Fao mongwe a lemogang dipharologano, ga se dipharologano tsa sebopego, ke tsa bokao fela jwa puo. Ka jalo tiriso ya mafoko ka thefosano jaaka MaAforika Borwa a dira, ga go tlise kgotlhang epe , fela go nna teng ga boitlhophelo.
Ngwao-Boswa jo bo tshelang fela jaaka sengwe le sengwe se se amanang le motho bo tla pele ga paka ya boimpiriale le bokoloniale. E ne e le, e bile e sa ntsane e le maitemogelo a a tshetsweng a ditšhaba tse di fetileng ka dipaka tse di farologaneng. Ke bojotlhe jwa maitemogelo a bone; mokgwa o ba diranang le botsalo, go tsofala, go gola, nyalo, dingwaga tsa botsofe le loso; mokgwa o ba ketekang dikgato tse tsa tlhabologo ya motho ka teng; mokgwa o ba diranang le botlhoki le bodidi ka teng, ka mokgwa o ba agang diikonomi tsa bone ka teng, ka moo ba tlholang boiketlo jwa bone; ka moo ba agisanang le ditšhaba tse dingwe ka teng ga mmogo letlhago ya tikologo ya bona, ka mokgwa o ba anelang dikinane tsa bone ka teng, ka mokgwa o ba opelang le go bina ka teng, j.j..
Mofuta wa ngwao-boswa e re nang nayo gompieno ke karolo ya ngwao-boswa go tswa kwa badimong ba rona go tswa kwa ga Lowe. Ngwao -boswa jwa rona bo simolola ka ditlwaelo tse di buiwang, hitori e e buiwang, meetlo, dithulaganyo tsa kitso ya tlholego tse di ntseng di somaretswe; tse di fetogileng, mme ka jalo di tlositse kgotsa di okeditse diponagalo tse ntšhwa ka ntlha ya go kopakopana ga batho magareng ga ditšhaba tse di farologaneng tsa lefatshe tse kwa tlholegong di neng di kgaogantswe ke go nna lolea le sekgala sa nako. Tlhotlheletsano e go ya pele e rotloeditswe ke tshwaragano ya bolefatshe e e lerilweng ke go tsena ga mafaratlhatlha a tlhaeletsano, koketsego ya maeto le bojanala, mme ka jalo go ngotla sekgala magareng ga ditšhaba tse di farologaneng.
Aforika Borwa ke sekai se se maleba sa setšhaba se se kopakopaneng se se bopilweng ke dingwao tse di humileng le tse di farologaneng - ke ka moo go nang le mogopolo wa Rainbow Nation. Ka jalo go botlhokwa gore mmuso o dire tikologo e e kgontshang ditlhopha tsa merafe yotlhe go tlhagisa le go bontsha mefuta e e farologaneng ya Ngwao-Boswa jo bo Tshelang. Se se tshwanetse go diragala ka mokgwa o o tshegetsang maikaelelo a setšhaba se se sa kgethololeng go ya ka bong, sa dipuo tse dintsi le setšhaba sa ditso tse dintsi. Gape se tshwanetse go diragala ka mokgwa wa go leka go rotloetsa go abelana maitemogelo a a farologaneng a setso magareng ga ditlhopha tsa ditso tse di farologaneng ka ntlha ya gore ke ka kabelano eo le go tlhaloganya dingwao-boswa tsa rona tse di farologaneng re ka fitlhelelang poelano ya setšhaba, kago ya setšhaba, le tshwaragano ya loago.
E tla bo e le fatlhosa ditlhopha tsa ditso tse dingwe tsotlhe go abelana kitso ka ga diphetogo tsa maemo, tse ngwao-boswa ya ditlhopha tse dingwe e fetileng mo go tsona. Se e ka tsaya mokgweng wa go leba dilo tse di farologaneng le tse di tshwanang ka bobedi. Go tla nna botlhokwa go ithuta ka moo ditso tse di farologaneng tse di amaneng ka amaneng ka teng go tlhola ditso tse di tswakaneng tse di nang le mokgwa o le mongwe o o tshwanang o le esi wa Aforika Borwa.
Go molemo tota gore dipholisi le dipeomolao tse di dirilweng molao morago ga 1994 di bueletse tsosoloso le tlhokomelo ngwa-boswa ya maAforika Borwa otlhe, mme ka go dira jalo go tsweletswa ditso tsa merafe yotlhe. Pegelo ya Maikemisetso (Pampiritshweu) ka ga Botsweretshi, Setso le Ngwao-Boswa gammogo le dilekane tsa yona, e leng Molao wa Bosetšhaba wa Ngwao-Boswa (Molao No 11 wa 1999) le Molao wa Bosetšhaba wa Didiriswa tsa Ngwao-Boswa (Molao No. 25 wa 1999) ke bopaki jwa ponelopele e e rulaganyeditsweng go fitlhelela maikemisetso a.
Mafapha a mmuso, mekgatlho e e seng ya mmuso, Mekgatlho ya setšhaba le ba tsere karolo e e sa rulagangwang go tlhokomela le go anamisa ngwao-boswa jo bo tshelang. Fa tseno di amogelwa le go tlotlomadiwa, molebo o o golaganeng, o o eteletsweng pele ke mmuso, gammogo le ditogamano tsa setšhaba di tlhokega go dira lenane le le tshwaraganeng mo go tlhameng thulaganyo e e tshwereng maikutlo a baagi botlhe ba Aforika Borwa. Lenane le tshwanetse go feta kokoanyo ya dilo tsa ngwao-boswa jo bo tshelang, mme le khutle ka tlhabololo ya pholisi le ditokomane tsa peomolao tse di tlhokagalang go le sireletsa (mo tirong ya go le dira kgwebo /sengwe se se ka tshwarwang). Basimolodi /bagale/basireletsi ba ngwao-boswa ba, le fa go ne go na le mathata, ba kgonneng go somarela kitso e e botlhokwa, ba tshwanetse go supiwa le go newa tlotlo e e ba tshwanetseng.
Go keteka ngwao-boswa jwa rona jo bo tshelang mo ngwageng wa bo 10 wa Demokerasi ya rona.
Go simolola serala sa puisano ka ga Ngwao-Boswa e e tla thusang ka tlhaloganyo ya se go buiwang ka sone, le go latela ga tlhamo ya dipholisi le peomolao ka ga tshomarelo, tshireletso le tsweletso ya Ngwao-Boswa jo bo Tshelang.
Go ratisa tiriso ya ngwao-boswa jo bo tshelang jaaka sediriswa sa kago ya setšhaba, tsosoloso ya botho, kitlano ya loago le go lebisa kwa tlhamong ya kitso ya bosetšhaba ya Aforika Borwa.
Go ratisa le tsweletso ya ngwao-boswa jo bo tshelang le go kopanya Aforika Borwa go dikologa dipoelo tsa ikonomi ya gagwe,, gareng ga tse dingwe, ka bojanala.
Setšhaba sa Aforika Borwa se bopilwe ka mefutafuta ya ditso le ngwao-boswa jo bo humileng. Ke ka setšhaba se sa Aforika Borwa se lefapha le batlang go se kokoanya setšhaba ka tiriso ya kgopolo ya Ngwao-Boswa jo bo Tshelang. Go nale mogopolo mo Aforika Borwa wa gore malatsi a Bosetšhaba a a beetswe karolo ya Aforika.. Se se dira kgatlhanong le kago setšhaba, poelano le kitlano ya loago. tsa Tlhaeletsano le ditogamaano tsa thekiso tsa rona di tla tshwanela ke go akanngwa ka mokgwa o e leng gore Malatsi a Bosetšhaba ka kakaretso le Malatsi a Ngwao-Boswa segolo, a ngoka bontsi jwa setšhaba sa Aforika Borwa. Tlhaeletsano le ditogamaano tsa papatso tsa rona di tla tshwanela ke go akanngwa ka mokgwa o e leng gore Malatsi a Bosetšhaba ka kakaretso le Malatsi a Ngwao-Boswa tota, a ngoka bontsi jwa setšhaba sa Aforika Borwa.
Lefapha la Botsweretshi le Setso le tshisinya gore go nne le molebo o o farologaneng wa Manane a Kgwedi ya Ngwao-Boswa le Letsatsi la Ngwao-Boswa ka 2004. Re tshisinya go kgaotsa "Keteko ya Bosetšhaba" e ka gale e nnang mokete o mogolo o o tshwarelwang kwa Union Buildings kgotsa kwa lefelong lengwe fela. Re solofetse meletlo ya Kgwedi ya Ngwao-Boswa le Letsatsi la Ngwao-Boswa e e tla dirang gore Diporofense, Bommasepala, Boeteledipele jwa Merafe bo nna le seabe se segolo mo togamanong gore Kgwedi ya Ngwao-Boswa le Letsatsi la Ngwao-Boswa le nne le bokao mo setšhabeng mme le tsose bokgoni jwa go ngokela setšhaba sa Aforika Borwa mo mogopolong wa Ngwao-Boswa jo bo tshelang. Re solofela go dirisa thitokgang jaaka maragogo a go fitlhelela ponelopele e kgolwane ya go kokoanya, go somarela, go sireletsa le go tsweletsa Ngwao-Boswa jwa rona. Ka thito-kgang e, mo dingwageng tse tlhano tse di tlang, DAC e solofela go tla bo e tlhomile pholisi le peomolao ga mmogo le lenane la bosetšhaba le le maatla le sefalana sa Ngwao-Boswa jo bo Tshelang le Matlotlo a Batho ba ba Tshelang ka bobedi jaaka re latlhegelwa ke batho letsatsi lengwe le lengwe.
Re tshisnys dibeke tse ka tsona go tla lebelelwang dilo tse di farologaneng tsa Ngwao-Boswa jo bo Tshelang. Banna-le-seabe botlhe ba tla tlhagisa dintlha mabapi le ka moo ba rulaganyang go diragatsa manane a a diretsweng go anamisa Ngwao-Boswa jo bo Tshelang. Lefapha la Botsweretshi le Setso le rulaganya go maatlafatsa botsalano le Koporasi ya Tirelo-kgaso ya Aforika Borwa (SABC) go netefatsa gore go na le phasalatso e e anameng tebang le thitokgang le manane a yona a kgwedi yotlhe.
Ka tirisano le SABC, go tla rulagangwa setlhopha sa dipuisano ka ga Kitso ya Tlholego/Setso le Ditiro. Maikaelelomagolo e tla nna go dirisa ngwao-boswa ya Aforika Borwa go nna le seabe mo ditlapeleng tsa bosetšhaba go akaretsa ntwa kgatlhanong le HIV/Aids, phokotso ya bosenyi, kago ya kgolagano ya bosetšhaba le tsosoloso ya botho mo Aforika Borwa.
Go dira gore mogopolo wa kitso ya tlholego/setso le ditlwaelo gore o tshele magareng ga bašwa, go botlhokwa go supa bomaleba le bomosola jwa ditlwaelo tse gompieno (Gore bašwa ba ka boelwa jang mo loagong le mo ikonoming go tswa mo go tsona). Sekai, go ntse go na le maikutlo a a golelang kwa godimo mo tirisong ya diaparo tsa setso, dintlafatsa sefatlhego le mekgabiso, tse bašwa ba tshwanetseng go di tsaya jaaka tšhono ya maatlafatso ya loago le ikonomi.
MaAforika Borwa ba ba itsiweng ba na le bokgoni le botegeniki mo lephateng la kitso ya tlholego/setso le ditlwaelo ba tla lalediwa kwa Tirelong Kgaso ya Aforika Borwa (SABC), mme ba neelwe serala go abelana kitso e le setšhaba sotlhe. Kgatelelo e tshwanetse go nna gore dintlha tse tsa kitso ya tlholego le ditlwaelo di ka dirisiwa jang go samagana le ditlapele tsa bosetšhaba.
bokgoni jwa tlhago, boagi le boitseanape dijo tsa tlhago le mekgwa (e e welwang) ya go apaya le go somarela boitseanape jwa Melemo le go alafa mekgabiso le diaparo tsa setso dikopelo le mmino wa tlholego/setso tse di golagangwang le maitemogelo a a farologaneng le ditirelo tse di fetang jaaka go belega, bokgarebe/bokau, lenyalo, leso, j.j.
Beke e tla nna ya manane a dikopelo le mmino, e seng fela go bontsha ditiragalo tsa dikopelo le go bina, mme e le go golaganya manane a le dikinane tse di rileng, ditiragalo, meletlo kgotsa ditirelo. Se gape e tla nna tšhono ya go bontsha ka moo ditirelo tsa dikopelo le mmino di fetogileng mo tsamaong ya nako mo setšhabeng sa ditso tse dintsi le gore ditso tse di farologaneng di tshwaetsane jang. Maitlhomo a tiro e, e tla bo e le go gatelela ka mokgwa o boswa jwa rona jo bo tshwanang bo ka dirang jaaka karolo ya go aga setšhaba le tshwaragano ya loago. Ka jalo go tla nna botlhokwa go bona bagolo go re thusa go fitlhelela ponelopele e ya go netefatsa gore boitlhamedi jwa batho mo ka dipaka tse di farologaneng bo senolwang le go bonwa ke masika a jaanong le a a tlang.
Lefapha le dirisana le diyunibesithi tsa Venda, Zululand le Fort Hare mo go kokoanyeng le go somarela Dikopelo tsa Tlhago, Mmino le Histori ya Molomo (ditiragalo tse di sa kwalwang). Beke e, e ka nna tšhono ya go bontsha tiro e porojeke e, e se fitlheletseng.
Se se botlhokwa thata, e tla nna matlhagatlhaga a go nna le seabe ga batho ba mo gae mo go diragatseng dikopelo le go bina setso.
Go na le tlwaelo ya go golaganya kitso ya tlhago/setso le ditlwaelo le karolo ya setšhaba sa ma-Aforika. Se se bakile mogopolo o o fosagetseng gore merafe e mengwe ga e ise e nne le setso, e bile ga e ise e tshwenyege ka dikgwetlho tse merafe e mengwe e kampaneng natso. Sekai, tlhagiso ya dijo, melemo le ditlolo dingwaga tse dintsi tse di fetileng e farologane thata le ka moo di tlhagisiwang gompieno. Se ke sengwe se se tshwanang mo merafeng yotlhe, mme go na le dilo tse dintsi tse re ka abelanang go ya ka mekgwa e bagolo ba rona ba neng ba tsoma ka teng, ka moo ba neng ba gotsa molelo ka teng, ka mokgwa o ba neng ba epa gouta le taemane ka teng, ka moo ba neng ba somarela tikologo ya rona, ka moo ba neng ba atisa leruo, ka moo ba neng ba belegisa, ka moo ba neng ba godisa bana, ka moo ba neng ba dirisa mekgabiso le ditlolo tsa sefatlhego tsa tlholego, j.j. Lefapha le batla, sekai, go tsepamisa dipuisano mo dijong tsa tlholego.
Dijo tsa se-Aforika tsa tlholego di nonofile, e bile di tlhwatlhwatlase go na le tsa kwa bophirima. Le gale ga go ise go bontshiwe boleng jwa dikotla le ikonomi ya tsona ka bobedi.
Dijo tsa tlholego jaaka morogo, imifino (merogo e e farologaneng e apeilwe mmogo mo pitseng e le nngwe), dikgobe, semphemphe, potele, mala mogodu le dino tse di jaaka gemere ga se fela matshwao a a golaganngwang le se-Aforika, fela ke dikotla tse di tlhwatlhwatlase le tse di nonofileng.
Lefapha le ikaelela go tshwaragana le CSIR led Kellogg Foundation mo go rulaganyeng porojeke/tiragalo ya anchor kwa dijo tsa tlholego di tla bontshiwang teng. Tiragalo e tla netefatsa gore batho ba selegae ba tla nna le seabe ka botlalo.
Beke e, e tla nna ya go tlhalosa le go buisana le batho ka sebele kgotsa go bua ka ga diphitlhelelo tsa batho ba ba atlegileng mo mefameng e e farologaneng ya ngwao-boswa jo bo tshelang.
Re dirisitse lereo la dikwakwabidi (icons) go nolofatsa mogopolo wa Matlotlo a Batho ba ba Tshelang (Living Human Treasures), le e leng tlhaloso ya UNESCO ya lone lereo le.
Lefapha la Botsweretshi le Setso le ikaelela go tshwara dipuisano tsa bosetšhaba ka ga dintlha tsa bosetšhaba tse di kailweng fa godimo. Maikaelelomagolo ke go nolofaletsa baagi botlhe ba Aforika Borwa dintlha tse. Go ya kwa pele ke go sekaseka mokgwa o Aforika Borwa e ka fitlhelelang maikaelelo a ka ona.
Mo go amogeleng botlhale jo bo leng teng mo setšhabeng sa Aforika Borwa, Lefapha, ka bobegadikgang, le tla dirisana le setšhaba mo dipuisanong mabapi le gore dintlha tse di farologaneng tsa ngwao-boswa jwa rona di ka dirisiwa jang go mekamekana le dintlha tse tsa bosetšhaba.
Dipuisano tse tsa bosetšhaba di tla tlhama motheo wa tlhabololo ya Togamaano ya Bosetšhaba ka ga Kokoanyo, Tshireletso, tlhokomelo le Tsweletso ya Ngwao-Boswa jo bo Tshelang/ Ngwao-Boswa setso se se sa Tshwaregeng.
Go tla dirwa tirisano le SABC go nna le setlhopha sa dipuisano mo diteišeneng tsa radio mo mananeng a a kgonagalang mo setšhaba se tla dirang ditshwaelo tse di se lebisang kwa lefapheng la bosetšhaba ka ga setlhogo se.
Meletlo ya Letsatsi la Ngwao-Boswa e tla tshwarwa kwa diporofenseng tse di robongwe ga mmogo le kwa dikgaolong tsa bommasepala. Lefapha la bosetšhaba le tla dirisa kgwedi e jaaka maitshetlego a go kgakola letsholo le le tshwanetseng go felela ka Togamaano ya go Kokoanya, go Tlhokomela, go Sireletsa, go Tsweletsa le go Anamisa Ngwao-Boswa jo bo Tshelang.
<fn>tsn_Article_National Language Services_KHANSELE YA MAINA A MAFELO YA AFORIKA BORWA.txt</fn>
Heela bagaetsho, le lebile kae?
MOKOPALEFE wa 1 o lebega a gamaregile.
O lelekisa koloi.. Koloi ya ema, mme bakopalefe ba pagama.
Tota ke bo mang batho ba ba fetolang maina a lefatshe la rona?
Wai, Puso e e fetolaka maina kwa ntle ga labaka lepe. Ruri ke batlile ke tlogelwa ka lebaka la bona! Ga ke rate kgang e!
Lefatshe la rona le tlhoka madi a go aga matlo le go lwantsha AIDS, legale, re kola bajanala gore ba se ke batla mo lefatsheng la rona ... mme e bile ga re itse gore re lebile kae.
Ke bo mang batho ba ba fetolang maina a lefatshe la rona, tota!
Mokaloba towe! Go fetola maina ga se ga go kopa go palamisediwa go ya felo gongwe fela. Ke ka boitshupo jwa lefatshe la rona, ditiragalo tsa histori ya lona le boswa!
Re ka babatsa jang lefatshe la rona kwa mafatsheng a boditšhabatšhaba fa re dirisa maina a ditšhaba tse dingwe. Re tshwanetse go phatsimisa naga ya rona boša, re itshupe ka botlalo. Re bolelele dinaga tsa kwa moseja gore tota re bo mang!
O lebega a gamaregile le go timela mme a hemela kwa godimo katšhakgalo!
Go tsepamisa maina a, a mafelo a rona ke sengwe se se tsholetsang maikutlo a ga go jalo?
Bona fa, phetla bukana e, fa o e buisitse, re ka buisana ka temakgang ya yona. Re santse re na le leeto le le leele kwa pele. O na le nako e ntsi go e sekaseka.
Ke maina a dilo tsa naga ya rona a tlhago, kgotsa a a itlhametsweng, kgotsa a rulagantswe sešwa ke rona batho, mme a ka ratega kgotsa a se ke a ratega.
SAGNC e tlhomilwe go ya ka Molao wa Maina a Mafelo wa Aforika Borwa (nomoro ya bo 111 wa 1998), setheo se se rweleng boikarabelo jwa go tsepamisa maina a mafelo a Aforika Borwa. Ona o tlhamilwe ke Tona ya Botsweretshi le Setso.
SAGNC e tlhamilwe ke baitseanape ba maina a mafelo, diteme tsa semmuso le setso sa ditiragalo, mmogo le moemedi go tswa porofenseng nngwe le nngwe, baemedi ba Mokaedimogolo wa go a Tsepamisa le Thulaganyo ya Mafatshe, Ofisi ya Poso ya Aforika Borwa, Boto ya Dipuo Tsotlhe tsa Aforika Borwa le ditheo tse dingwe tse di amegang.
Bokwaledi jwa SAGNC bo dira ka Dikomiti tsa Maina a Mafelo tsa Diporofense mme mo legatong la Dipuso Selegae ka Dikomiti tsa Selegae le tsa Dikgaolo. Setshaba se ka kgona go fitlhelela ditheo tse mo dikgaolong tsa sona.
Go e tlhalosa bonolo, ke maina a mafelo otlhe a a mo lefatsheng la rona.
Utlwa! Maina a Semolao.
Sekai, leina la lefatshe, maina a diporofense le maina a dipuso selegae, mmogo le mafelo a a laolwang ke dipuso selegae, jaaka mebila, dikago tsa bommasepala, ditikwatikwe tsa marekelo, diphaka le mabitla.
Mme go na le dikago le dipolasa tse e leng tsa beng.
Le setheo sa maina a mafelo se se dirisediwang go kwadisa bong jwa lefatshe, sa Cadastral.
Fela legale, maina otlhe a semmuso a tshwanetse go tsamaelana le maikemisetso a SAGNC.
Batho ka tlwaelo ba teya mafelo a a farologaneng leina le le lengwe kgotsa a utlwale a tshwana, kgotsa, mopeleto wa le lengwe o ka batla o tshwana le wa le le lengwe.
Mme e bile, mo lefatsheng la ditlhopha tsa merafe e e farologaneng jaaka Aforika Borwa, gantsi mafelo a nna le maina a a fetang le le lengwe.
Maemo a, a tlhakanya tlhogo le go kgarakgatsha. Go tila se, maina a mafelo a a tsepamisiwa ke bathati lefatshe ka bophara.
Go botlhokwa go tsepamisiwa maina a, go netefatsa ditiragalo le boitshupo jwa lefatshe, kgwebisano le kgwebo, dipalangwa, ditlhaeletsano, go loga maano a dikgaolo le tikologo, ditirelo tsa setshaba, saense le thekenoloji, ditlhopho le go bala batho, bojanala, dikotsi tsa tlhago le ditirelo tsa go batlisisa le go falosa batho.
SAGNC e amogela dikopo tsotlhe tsa go dumelela maina a mafelo a a laolwang ke yona mme e netefatsa gore go ririsanwe ka botlalo le setšhaba, le gore leina leo le tsamaelana le ditlhokego tsotlhe tsa khansele.
SAGNC ke yona e tsayang tshweetso ya bofelo ka ga mokgwa kgotsa mekgwa ya maina mme e romele dikatlanegiso tsotlhe kwa go Tona.
Fa leina le amogetswe ke Tona, leina leo le tlhomamisitswe.
Jaanong le be le phasaladiwa mo Kuranteng ya Semmuso go nna la semmuso le go itsisiwe.
Khansele e kopana gane ka ngwaga. Ka tiego e bakiwa ke tshedimosetso e e tlhaelang kgotsa e e sa nepagalang mo foromong ya dikopo, bakopi ba lemoge gore tiro ya go tlhomamisa maina e ka nna thulaganyo e telele tota.
Mo nakong ya fa go logwa maano go tshwanetse ga solofelwa go leta lebaka la dikgwedi di le tharo mme difomo tsa dikopo di tladiwe ka botlalo le ka tshwanelo go thibela go leta nako e telele.
Mongwe le mongwe a ka bona diforomo kwa Lefapheng la Botsweretshi le Setso mo websaeteng ya www.dac.gov.za, kwa diofising tsa bosetšhaba, tsa diporofense le tsa dikgaolo tse di tshwaraganeng le go tlhomamisa maina a mafelo, kgotsa ba ka dira dikopo ka go etela websaete mo go www.sagns.gov.za.
Pele o tlatsa foromo ya dikopo o tshwanetse go nna kelotlhoko go tila...
Maina a batho ba ba tshelang ka kakaretso a tshwanetse go tilwa.
Koloi e a ragoga, mme e tlogela bakopalefe fa thoko le letshwao la bone la kwa 'PIETERSBURG..
Ka bobedi ba a nyeba, mme ba retolola boto e e supang leina POLOKWANE, mme ba emisa monwana ya bone go kopa lefe.
Maina a mafelo a a batho a tshwanetse go tsamaelana le maemo a motho yoo. Sekai, go abela lefelo le le sa reng sepe leina la motho yo o tlotlegang mo setšhabeng.
Mme fa go kgonagalang ka teng, go tshwanetse ga bonwa tetla e e kwadilweng go tswa mo mothong yoo kgotsa mo go ba lelapa le bajaboswa, pele leina la gagwe le ka dirisiwa.
Utlwang fa, nna ke fapoga fa, Polokwane e ka nna dikilomitara di le 15 (sometlhano fela) go tswa fa.
Hei, re lebogela go tsamaya le wena!
Ruri! Re a leboga Tsamaya sentle.
<fn>tsn_Article_National Language Services_KHOLETèHE YA BOSIAMISI (2004).txt</fn>
Go na le pharologano ya botlhokwa magareng ga go atlhola kgotlhang le go thusa maphata a a nang le kgotlhang go e rarabolola.
Ka boatlhodi, motho yo e seng lephata la kgotlhang o swetsa ka kgotlhang le gore maphata ao a patelediwe tshwetso eo.
Mo mabakeng a mo go ona motho yo e seng lephata la kgotlhang a thusang maphata a a nang le kgotlhang go rarabolola kgotlhang, seno re se bitsa thuanyo gongwe kagisanyo.
Mo mabakeng a mo go ona maphata a a nang le kgotlhang a rarabololang kgotlhang ya ona kwa ntle ga tsereganyo ya lephata la boraro, seno gantsi e a bo e le dipholo tsa tsamaiso ya dipuisano gareng ga maphata ao.
Motho yo o swetsang ka kgotlhang ke moatlhodi.
Batlhankedi ba ba atlholang mo dikgotlatshekelo ba bona dithata tsa bona tsa go atlhola ka go thapiwa go ya ka ditlamelo tsa molao.
Gape go kgonega gore maphata a a nang le kgotlhang a ise kgotlhang ya bona go ya go atlholwa ke motho yo ba dumelanang gore o tshwanetse go nna moatlhodi. Mo dikonterakeng tse dintsi, gantsi maphata a akaretsa polelwana e ka yona ba dumelanang gore fa go ka nna le kgotlhang nngwe le nngwe fela magareng ga bona go tswa mo konterakeng, e tla fetisediwa kwa moruanying. Go ka tlhagisiwa leina la moruanyi gongwe polelwana e ka tlamela ka mokgwa o o ka dirisiwang go thapa moruanyi, go naya sekai, mmueledi o o thapiwang ke Mokgatlho wa Molao.
Le gale tumelano ya go ya kwa thuanyong ga e tlhoke go tlhalosega thata jaana. Mo morafeng mongwe, gongwe mo lelapeng, go ka nna le tumelano e e sa tlhalosiweng ka botlalo ya gore kgotlhang e tla fetisediwa kwa moeteledipeleng wa Morafe gongwe wa lelapa go tsaya tshwetso gonne seo e le setlwaedi.
Tshwetso ya kgotlhang e dirwa ke motlhankedi yo o atlholang yo o thapilweng ke mmuso.
Maphata ga a na boitlhophelo jwa gore motlhankedi yo o atlholang e tla nna mang.
Tsamaiso e rebolwa ke melawana ya kgotlatshekelo, molao gongwe tlwaelo.
Tsamaiso e ka nna ya go tlhoma molato gongwe ya go batlisisa.
Go ka nna boima gore maphata a tswelele pele kwa ntle ga kemedi ya semolao.
Gantsi tshwetso e tshwanetse go ya ka tse di tserweng pele tse di tlamang.
Tshwetso e tlama maphata otlhe.
Tshwetso e tswelediwa ke motlhankedi gongwe ditsamaiso tsa lenyatso.
Gantsi go ka ikuelwa kgatlhanong le tshwetso kwa kgotlatshekelong e kgolwane.
Ditshwetso tsa Kgotlatshekelo e e Potlana di ka sekasekwa.
Gantsi dipoelo ka tsa go fenya/latlhegelwa.
Ka kakaretso yo o latlhegetsweng o duela ditshenyegelo tse di tlhageletseng ka ntlha ya tiriso ya babueledi.
Ga gona ditefiso tsa kgotlatshekelo kwa ntle ga setempe sa lekgetho kwa tshimologong.
Ela tlhoko: Kgotlatshekelo ya ditleleimi tse di potlana e farologane ka ntlha ya fa tsamaiso e le ya bobatlisisi mme maphata a sa tshwanela go emelwa ke babueledi.
Maphata a tlhopha moatlhodi (moruanyi).
Moatlhodi e ka nna moitseanape mo lephateng le le maleba.
Maphata a na le boitlhophelo jo bo lekaneng malebana le tsamaiso.
Tsamaiso e ka nna ya go tlhoma molato gongwe go batlisisa.
Tlhokego ya kemedi ya semolao e ikaegile mo tsamaisong e e tlhophilweng.
Moruanyi ga a tlamiwe ke ditshwetso tse di tserweng pele.
Tshwetso e tlama maphata.
Tshwetso e tshwanetse go dirwa taelo ya kgotlatshekelo gore e kgone go dirisiwa.
Ga gona boikuelo kwa kgotlatshekelo - go ka dumelanwa ka boikuelo kwa moruanying gongwe baruanying ba bangwe.
Tshwetso e ka isiwa go ya go sekasekwa kwa Kgotlatshekelo Kgolo.
Gantsi dipoelo ka tsa go fenya/latlhegelwa.
Ka kakaretso yo o latlhegetsweng o duela ditshenyegelo tse di tlhageletseng ka ntlha ya tiriso ya babueledi.
Dituelo tsa baruanyi di duelwa ke maphata.
Maphata a rarabolola kgotlhang ka bo ona.
Ga gona motho ope wa boraro yo o thusang mo tharabololong ya kgotlhang.
Tsamaiso e mo taolong ya maphata gotlhelele.
Lephata lengwe le lengwe le ka, mme ga se gore le tlhoka go, dirisa bagakolodi ba semolao.
Tshwetso ya tharabololo e ka dirisiwa jaaka tumelano (konteraka).
Dipoelo di ikaegile mo maatleng le bokgoni jwa maphata.
Ga gona ditshenyegelo tsa semolao kwa ntle ga mogakolodi wa sebele wa semolao fa a dirisitswe.
Maphata a rarabolola kgotlhang ka bo ona.
Motho wa boraro o thusa ka go rarabolola kgotlhang.
Tsamaiso e laolwa ke moruanyi a ntse a batla maikutlo a maphata.
Ka kakaretso bagakolodi ba semolao ba maphata ga ba akarediwe mo tsamaisong.
Tshwetso ya tharabololo e ka dirisiwa jaaka tumelano.
Moruanyi o susumetsa, le fa tota a sa swetse ka dipoelo.
Gantsi dipoelo e ka nna gore maphata otlhe a fenye.
Maphata a duela ditshenyegelo tsa moruanyi, fa di le gona.
Seno ke tsamaiso e mo go yona, motho wa boraro, e leng moruanyi gongwe moagisanyi, a thusang maphata a a nang le kgotlhang go rarabolola kgotlhang ya bona. Seno se ka tlhalosiwa jaaka dipuisano tse di nang le thuso.
Ka tshwanelo, go isa kgotlhang kwa moruanying e tshwanetse go nna boithaopo jwa maphata ka bo ona, fela molao, setso gongwe tumelano e ka dira gore maphata a tlhoke go isa kgotlhang ya ona kwa thuanyong.
Ka tshwanelo, moruanyi e tshwanetse go nna motho yo o amogelesegang mo maphateng otlhe, yo o sa tlhakanelang sepe le ope wa maphata gongwe a sa amane le kgotlhang ka gope. Moruanyi o tshwanetse gore a seke a ikamanya le letlhakore lepe.
Moruanyi ga a tseele maphata ditshwetso. Tiro ya moruanyi ke go thusa maphata go rarabolola kgotlhang ka bo ona.
Moruanyi o tshwanetse go leka ka natla go thusa maphata go fitlhelela tharabololo ya kgotlhang ya bona ka gore botlhe e nne bafenyi gore ope a seke a sala a dule mo tsamaisong eo a latlhegetswe. Seno se botlhokwa go gaisa fa e le gore maphata a tla nna, gongwe a ka nna le botsalano jo bo tswelelang gonne lefufa le le ka nnang mo go yo o latlhegetsweng le ka dira gore go seke ga tswelela go nna le botsalano jo bo siameng.
Ka kakaretso ga gona molao o o laolang thuanyo, fela go tsweletse go nna le ditlamelo tsa molao mo mefuteng e e rileng ya thuanyo, sekai, dikgotlhang tsa bodiri tse di lebeletsweng ke Molao wa Dikamano tsa Bodiri le dikgotlhang tsa tikologo magareng ga ditheo tsa mmuso tse di lebeletsweng ke Molao wa Bosetšhaba wa Tsamaiso ya Tikologo wa 1998. Fa go sena molawana o o totobetseng, tsamaiso le boitlhophelo jwa moruanyi di mo diatleng tsa maphata. Tumelano ya go ruanya e ka nna fa kgotlhang e tlhagelela, gongwe maphata a a ka nna a re, ka go bonela pele gore go ka nna le dikgotlhang magareng ga ona golo gongwe mo isagong, a dumelana gore dikgotlhang tseo di rarabololwe ka tsela ya thuanyo.
Ga go tlhokege gore tumelano ya go isa kgotlhang kwa thuanyong e kwalwe, fela tumelano e e kwadilweng e mosola gone e thusa go dira gore go nne le totobalo mme e bile e sedifaletsa botlhe ba ba nang le seabe ka ga tsamaiso.
Moruanyi o na le maikarabelo a go tshola dikgang tseo e le sephiri. Ka bomadimabe, molao wa Aforika Borwa ga o ise o atolosetse kwa baruanying, tshiamelo ya go gana go senola bosupi jwa kitso e e bonweng mo tsamaong ya go tsereganya kwa kgotlatshekelo. Mo ditsamaisong tsa selegae tshiamelo e e atolosediwang ka boitiriso mo puisanong yothe e maikaelelo a yona e leng go rarabolola kgotlhang e ka tlhagisiwa mme maphata a ka tila seno ka go dumelana ka totobalo gore dipuisano tsotlhe tse e leng karolo ya tsamaiso ya thuanyo di na le tshiamelo. Mo tshekong ya bosenyi tshiamelo eo e ka seke ya atlega fa moruanyi a ka bidiwa go tla go ntsha bosupi.
<fn>tsn_Article_National Language Services_KHOLETèHE YA BOSIAMISI 1.txt</fn>
Seno ke tlhotlhomiso ka kakaretso ya ka fa setso sa thuto ya ditshwanelo tsa botho se aparetseng Aforika Borwa. Di bopilwe go tswa dikwalong tsa boditšhabatšhaba le tsa kgaolo, ditshwanelo tsa botho di tlhoka go salwa morago go tswa kwa ntle go ya ka fa teng. Le mororo go le ditekanyetso mo thutong e e gapelediwang ke lebaka la gore kgopolo ya ditshwanelo tsa botho e lemogilwe ka sešwa mo Aforika Borwa, puisotatelelo ya dikwalo tsa boditšhabatšhaba, kgaolo le bosetšhaba e tla tlamelwa mo Kgaolong e.
Dilo tse di tsitsibanyang tse di sotlileng batho ka paka ya Ntwa ya Lefatshe ya Bobedi di isitse kwa Ditšhaba Kopanong go tsaya tshwetso go tlhagisa maikemisetso a bona mo go lemogeng le tshireletsong ya ditshwanelo tsa botho. Mokgatlho o simolotse ka 1946 fa Kokoano ya Ditšhaba Kopano e rulaganya Tšhata ya Ditšhaba Kopano. Matseno a yona a tlhomamisa "tumelo mo motheong wa ditshwanelo tsa botho, mo seriting le botlhotlhwa jwa botho jwa batho, mo ditshwanelong tse di lekanang tsa banna le basadi."
Aforika Borwa, jaaka leloko la naga le tshamekile seabe se se kwa pele mo Tšhateng e gonne Tona Kgolo ya teng, Mogenerale Smuts, o ne a kwala Tšhata. Diathikele tsa Tšhata, gareng ga tse dingwe, di tlama Ditšhaba Kopano go godisa tlotlo ya bogotlhe mo tlhokomedisong ya ditshwanelo tsa botho le kgololosego ya motheo go botlhe ntle le pharologano kwa semorafeng, bong, puo kana sedumedi.
Go ya ka diathikele 56, go ne go solofetswe gore dinaga tsotlhe tsa maloko di tla obamela lokwalo. Le gale, ka bonako go ne go bonala gore Aforika Borwa e tsweletse ka ikgatholoso ya ditshwanelo tsa batho. Le mororo Ditšhaba Kopano di boeleditse tshwetso ya tsona ya gore go mo kgatlhegelong ya botho go tlisa kgethololo ya semorafe kwa bokhutlong, Kopano/Rephaboleki ya Aforika Borwa e tsweleditse tiro ya yona ya ikgatholoso ya ditshwanelo tsa botho.
Boitshwaro bo, bo ne bo itshetlegile mo athikeleng 2.7 ya Tšhate e e thibelang tsereganyo ya Kokoano Kakaretso mo 'mererong ya selegae' bo bo tsewang jaaka bo bo neelang kgololosego kwa ikgatholosong e e feletseng ya ditshwanelo tsa botho. Kgaogano ya semorafe ya Aforika Borwa e lebega e le ka kwa ntle ga kutlwano le ditlamego ka fa tlase ga Tšhata ke ka jalo ka 1982 Ditšhaba Kopano di sweditse go dira dikgolagano tsa sepolotiki tsa tsona le Aforika Borwa.
Athikele 2.7 e tlhodile thulano magareng ga ditshwanelo tsa botho le ditlamego tsa teng, kwa dinageng tsa maloko jaaka e tlameletse seo, ga go sepe se se tshotsweng mo Tšhateng ya jaanong se se tla rebolelang Ditšhaba Kopano go tsereganya mo mererong e ka tlhomamo e leng mo teng ga taolelo ya selegae ya naga nngwe le nngwe kana ya tlhoka maloko go tlisa merero go siamisiwa ka fa tlase ga tšhata e e leng teng, fela theo e ga e ne e gobelela kopo ya dikgato tsa tiragatso ka fa tlase ga Kgaolo V11.
Go sa emelelwe diphoso, Tšhata e tshamekile seabe se se masisi mo go tsweletseng le go bopeng gape ditlwaelo tsa boditšhabatšhaba tsa ditshwanelo tsa botho le boemo. Go neela sekao, mekgatlho e e farologaneng e ne ya tlhomiwa ka fa tlase ga tshireletso ya Ditšhaba Kopano, mo go kgotsofatseng ditlamego tsa Tšhata. Dikgato tse di ka bo di ne di le ka mokgwa wa tlhomamiso le ditumalano. Baeteledipele kwa Ditumalanong ba tshotse ditheo tse di bulegileng go tlhomamisa bosemolao jwa dikgolagano. Lokwalo lwa ntlha lo lo tshotsweng ke dinaga tsa maloko di le 48 go tswa go di le 56, ka di le robedi go tsenyelediwa le Aforika Borwa di ithibetse. Le fa go le jalo lokwalo lo, lo fitlheletse temogo e kgolo mo karolong ya selegae le ya boditšhabatšhaba jaaka selekanyetsi sa boemo. Gape lo bontshitse tiragatso e e diregang ya tebo ya Ditšhaba Kopano ka tlhomamiso. Tebo e e tlhalosiwa mo memorantamong o o phasaladitsweng sentle o o bonweng mo kantorong ya Merero ya Semolao jaaka go buiwa 'mo tebong ya nako e e gagametseng e e kgatlhanong le ditshwanelo tsa botho, ke ka 1987 Bophuthatswana e lekileng go tlhagisa hisitori ya Molaotlhomo wa Ditshwanelo mo Aforika e e Borwa. Aforika Borwa ka bonako ya lemoga gore kgatelelo ga e kgone go busetsa botshepegi le bothati jwa gagwe, ke ka a simolotse go batla dikao tsa molaotheo tse di ntšha tse di tla amogelang temogo le tshireletso ya ditshwanelo tsa botho. Ka jalo ka 1986 Tona ya Bosiamisi (Cootze JH), o ne a tlhoma Khomišene ya Molao ya Aforika Borwa go batlisisa tshireletso ya ditshwanelo tsa botho. Mo kgabaganyong, setlhopha sa babueledi se se kgatlhanong le kgethololo (Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Babueledi ba Temokerasi) ba ne ba lemogile gore ba tshisintse diphetogo tsa molaotheo fela pholesi ya Bosetšhaba e ne e sa sekaseka dikeletso tsa batho mme ba lopa Khomišene ya Molao ya Aforika Borwa go tsenyeletsa dingwe tsa ditshiamelo tsa tšhata ya Kgololosego le Tšhata ya Banjul.
Kgopolo ya temogo ya ditshwanelo tsa botho le tshireletso di tlile kwa maungong morago ga puo e e tumileng ya Moporesidente De Klerk (Moporesidente wa bofelo wa Nako ya Kgethololo). O ne a tlhagisa gore, 'mmuso o amogela theo ya temogo le tshireletso ya ditshwanelo tsa motheo tse di bopang motheo wa molaotheo wa bontsi jwa ditemokerasi tsa bophirima. Re amogela le rona, gore mokgwa wa gagwe o o dirang wa go sireletsa ditshwanelo tse o beilwe mo tlhomamisong ya ditshwanelo e e pakelwang ke bosiamisi bo bo ikemetseng'. O ne go ya pele a lopa Khomišene ya Molao ya Aforika Borwa go tlisa pegelo ya yona ya bofelo ka Molaotlhomo wa Ditshwanelo o o tshisinngwang.
Ka jalo ditshwanelo tsa botho di ne kwa bofelong tsa lemogiwa, tsa sirelediwa le go diragadiwa mo Aforika Borwa le go tsenngwa mo Molaotheong go tloga 1993. Mo Molaotheong wa ga jaana, karolo 7 e tlamelela gore Molaotlhomo o wa Ditshwanelo ke motheo wa temokerasi mo Aforika Borwa. O tshotse ditshwanelo tsa batho botlhe mo nageng ya rona le go tlhomamisa boleng jwa temokerasi jwa seriti sa botho, tekano le kgololosego. Fela tshireletso yotlhe e tlamelwa ke karolo 8 e e tlamelelang gore Molaotlhomo o dira kwa molaong otlhe le go tlama kokoanopeomolao, khuduthamaga le boatlhodi jaaka go ganetsana le molaotheo wa pele o o tlhomileng boipuso jwa palamente. Molaotheo kwa bofelong o lebeletse go sa lekane ga temogo ya ditshwanelo tsa botho le tshireletso. Go tlhomamisa tiragatso, molaotheo o tlameletse gape boatlhodi bo bo ikemetseng mmogo le Kgotlatshekelo ya Molaotheo le mekgwa ya tshireletso, jaaka dikgotlatshekelo tse dingwe le dikhomišene.
Mo bokhutlong, patlisiso ya kakaretso e e fa godimo e bontshitse sentle kutlwalo e kgolo ya dikwalo tsa boditšhabatšhaba, kgaolo le bosetšhaba go tsenya setso sa ditshwanelo tsa botho mo Aforika Borwa. Le fa Molaotheo go sa reye gore ga o a fosagala kana go nna ntle le bothata jwa tshimologo, o kgonne go siamisa dilo tse di tsitsibanyang tse di sotlileng batho ba rona mo pusong ya maloba. Go ya pele tshiamelo ya teng ya kgololosego ya tlhaloso e tokafaditse tlhokomediso ya batho ya ditshwanelo tsa bona, ke ka seno se tiisediwa ke lenaneo la ga jaana la thuto ya ditshwanelo tsa botho go tlhomamisa tiragatso go ya pele ya Molaotlhomo wa Ditshwanelo.
Mo Aforika Borwa, go ne go na le ikgatholoso ya ditshwanelo tsa botho le dilo tse di tsitsibanyang tse di dirilweng ke mmuso wa kgethololo le ditumalano tsa ona. Re utlwile ka bontsi jwa dilo tse ka nako ya ditheetso tsa TRC kana, rona, bamalapa a rona, ditsala kana baagisani ba itemogetse dikgatholoso tse le dilo tse di tsitsibanyang. Palamente e ne e le kgolo, godimo ga dilo tsotlhe, mme e fetisa melao e e gatelelang, e e neng e dumeletswe ke dikgotlatshekelo tse di neng di sa ikemela. Ka ntlha ya se, mekgatlho e e farologaneng e e kgatlhanong le kgethololo mo Aforika Borwa e thadile Tšhata ya kgololosego mme seno e ne e le lokwalo lwa ntlha lo lo botlhokwa lwa Ditshwanelo tsa Botho, lo lo boneng tshegetso mo gare ga palo e kgolo ya MaAforika Borwa. Ka lebaka leo, fa Aforika Borwa e phasalatsa Dikaedi tsa Molaotheo tsa yona tsa Aforika Borwa o o nang le Temokerasi, Tšhata e ne ya nna karolo ya teng.
Morago ga go tlosiwa ga kiletso ya mekgatlho yotlhe ya dipolotiki le kgololo ya yo e neng e le Moporesidente, Nelson Mandela, Molaotheo wa nakwana o ne wa bewa mo mannong. E ne e le moetledipele kwa Molaotheong wa jaanong wa rona, o o leng mongwe o o gaisang mo lefatsheng. Molaotheo wa rona o ne wa saenelwa ke Moporesidente Nelson Mandela ka Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Ditshwanelo tsa Botho, ka di 10 Sedimonthole 1996.
Molaotheo wa rona ke molao o mogolo wa naga mme o kopanya Molaotlhomo wa Ditshwanelo, o e leng motheo wa temokerasi mo Aforika Borwa. Molaotlhomo wa Ditshwanelo o tshotse ditshwanelo tsa batho botlhe mo Aforika Borwa mme o tlhomamisa boleng jwa temokerasi jwa seriti sa botho, tekano le kgololosego. Ka go tlhomamisa ditshwanelo tse mmuso o neela tshireletsego ya gore baagi ba ona ba tla sirelediwa le go nna le kgololosego go tshela botoka jaaka go kgonega.
Ditshwanelo tsa botho ke ditshwanelo tseo tse batho ba tsewang ba na le tsona ka ntlha ya botho jwa bona le seriti se se ageletsweng. Moatšhebišopo Desmon Tutu o tlhalositse ditshwanelo tsa botho jaaka "Tse di neilweng ke Modimo, tseno bonolo le fela gonne re le batho. Di gotlhe - mongwe le mongwe, mongwe le mongwe fela, mongwe fela yo o ka nnang ena, a ka bo a humile kana a humanegile, a rutegile kana a sa itse sepe, a le pila kana a le maswe, a le montsho kana a le mosweu, monna kana mosadi ka lebaka la go nna ditshwanelo tsa botho Jaaka Mokeresete nka tlaleletsa ka gore motho mongwe le mongwe ke wa boleng bo bo sa feleng gonne mongwe le mongwe o tlhodilwe mo setshwanong sa Modimo. Mongwe le mongwe ke morwadi wa Modimo mme go tshola motho ofe kana ofe jaaka e kete ke ba ba kwa tlase seno ke tshotlo, kgwelo ka mathe mo sefatlhegong sa Modimo".
Kakanyo e nnye ke ya gore batho ba a akanya le go nna le boitshwaro, mme ka jalo ba farologana le ditshedi tse dingwe mo lefatsheng. Ka jalo batho ba tshwanelwa ke ditshwanelo tse di rileng le dikgololosego, tse diphologolo tse dingwe di sa di itumeleleng. Go neela sekao, tonki ga e kitla e gana go rwala motho gonne e tlhoka tsholo ya tiro e e siameng kana a e ka ipelaetsa kana ya phiketa. Le fa go le jalo, motho a ka godisa tshireletso ya ditshedi tse dingwe, jaaka thibelo ya setlhogo kwa diphologolong.
Ka jalo, Ditshwanelo tsa botho ga di a tshwanela go neela, go jewa boswa, go rekiwa kana go ungwa. Batho ba belegwe le ditshwanelo tse mme ka jalo di tlhalosiwa jaaka tsa go jewa boswa, bogotlhe, tsa go se kgaoganngwe le ditshwanelo tse e seng tsa tlholego.
Setlhopha sa melao kana melawana se se rulagantsweng go laola maitsholo a setheo sengwe le sengwe, naga, mokgatlho wa loago, sekolo kana kereke. Molaotheo o neela kaelo kwa malokong a setheo malebana le kagego, maitsholo le maikarabelo. O na le dikgaolo le dipolelwana kana maphata go neela sekao Molao wa Molaotheo wa Aforika Borwa o na le dikgaolo di le lesomenne, maphata a le kgolo a mabedi somaamane tharo, disekedule tse supa le ya dimametlelelo. Mo lephateng lengwe le lengwe o tlhalosa sentle ditshiamelo tsa Molao ka mokgwa wa maphata tlaleletso. Karolo e e nolofaditsweng ya ka fa melao e dirwang le dikgaolo tse di farologaneng tsa Molao wa Molaotheo wa Aforika Borwa 108 wa 1996.
Go itumelela botlhokwa jwa Molaotheo wa ga jaana lemorago le le kopana la hisitori ya Molaotheo wa Aforika Borwa le tlametswe go sedimosetsa ditshwanologo tsa Molaotheo mongwe le mongwe.
Kopano ya Molao wa Molaotheo wa Aforika Borwa e itsiwe jaaka Molaotheo wa ntlha o o tshwayang kemonosi ya teng go tswa pusong ya Borithane mme baagi botlhe ba ne ba lemogiwa. Porofensi nngwe le nngwe e ne e na le palamente ya yona, sekao; Cape of Good Hope, Orange Free State, Natal le Transefala.
Molao wa Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa o tshwaya kopano ya diporofensi tse nne go bopa Rephaboliki fela go ne go na le matshwao a a se nang kemedi ya merafe e mengwe mo Palamente.
Molao wa Molaotheo wa Aforika Borwa o tshwaya kgabaganyo go ya kemeding jaaka e itsiwe mo Palamenteng ya Dikamore tse tharo, le basweu, bammala le maintia mo Palamenteng mme Bantsho ba neelwa Dinagamagae tse di itseweng jaaka dinaga tsa TBVC (Transkei, Bophuthatswana, Venda le Ciskei).
Molao wa Molaotheo wa Nakwana 200 o o tlameletseng Molaotlhomo wa ntlha wa Ditshwanelo mo Aforika Borwa ka go rialo o neela temogo le tshireletso ya baagi botlhe ba Aforika Borwa.
Molao wa Molaotheo wa Aforika Borwa. Seno ke tsweletso ya Molaotheo wa nakwana mo godimo ga o o tlisitsweng ke diphetogo tsa ga jaana mo hisitoring ya Aforika Borwa kana temogo le tshireletso ya ditshwanelo tsa batho ka boleng le tekano ya temokerasi, seriti le kgololosego tse di neelwang ke Molaotlhomo wa Ditshwanelo tse di tshotsweng mo Kgaolong 2 ya Molao wa Molaotheo wa ga jaana.
Ke mmuso wa batho ka batho e le wa batho.
Lefoko temokerasi le tloga go tswa lefokong la Segerika demos le le kayang batho le kraitsa le le kayang bothati.
Ka jalo ke mmuso o o tswang mo bothating jwa batho. Mo Aforika Borwa mesola e meraro ya temokerasi, e bong; tekano, seriti sa botho le kgololosego di tshegetsa temokerasi ke ka Molaotheo wa Aforika Borwa o tsewa o le o o tshwanang o le esi thata mo lefatsheng lotlhe. Ditheo tsa temokerasi, tse di goeleditsweng mo Molaotheong wa Nakwana di ikarabelela dipharologano magareng ga melaotheo ya pele le o o leng teng jaanong.
Ditheo tse kana boleng ke dikakanyo tse batho ba le bantsi ba di tsayang jaaka tsa botlhokwa mo temokerasing. Di bidiwa gape 'mosupatsela' wa temokerasi gonne fa re di bona, ke matshwao a gore naga e mo tseleng go ya temokerasing. Ditheo tse kana mesupatsela ka gale e nna karolo ya Molaotheo kana Molaotlhomo wa Ditshwanelo mo nageng ya temokerasi. Ditemokerasi tse dintsi di tshegetsa ditheo tsa motheo tse di tshwanang.
Ke mesupatsela efe e re tshwanetseng go kgona go e bona ka Aforika Borwa mo tseleng go ya temokerasing?
Baagi botlhe ba kgona le go nna le tshwanelo le tiro go tsaya karolo mo mmusong le mo setšhabeng se se tlhabologileng. Seno ke nngwe ya mesupatsela ya botlhokwa thata ya temokerasi. Botsayakarolo jwa moagi bo tsenyeletsa go emela ditlhopho, go bouta mo ditlhophong, go itse, go ngangisana ka merero, go tsenela dikopano tsa baagi le tsa selegae, go tsenela mekgatlho e e seng ya mmuso kana mekgatlho e mengwe mo baaging ba gaeno, go duela makgetho, go ipelaetsa, go dira thapedi, jj. Botsayakarolo bo kaya gore batho ba amega mo baaging ba bona le mo go laoleng baagi ba bona.
Mmuso o dira ditshwetso tse di nang le tshedimosetso.
Temokerasi e kaya gore batho botlhe ba a lekana. Tekano e kaya gore batho botlhe ba tsholwa ka go lekana mme ba newa ditšhono tse di lekanang. Ga go ka ke ga nna le kgethololo kgatlhanong le batho ka ntlha ya bosemorafe, sedumedi, bong, tshekamelo ya bong tsa bona jalo jalo. Mo temokerasing batho ba na le tshwanelo go tshola le go dirisa ditso tsa bona, dipuo le ditumelo.
Ditšhaba tsa temokerasi di a itshokelana mo sepolotiking. Seno se kaya gore fa bontsi jwa batho ba busa mo temokerasing, ditshwanelo tsa ba ba botlana di a sirelediwa le tsona. Mongwe le mongwe o tshwanetse go dumelelwa go nna le go tlhalosa dikgopolo tsa bona le go rulaganya mekgatlho ya bona ya sepolotiki kana ditlhopha. Setšhaba sa Aforika Borwa se na le batho go tswa ditsong tse di farologaneng, ditlhopha tsa semorafe, sedumedi le setšhaba tse di nang le dintlha tsa tebo tse di farologaneng. Setšhaba sa temokerasi se dumelela dipharologano tse go tlhalosiwa. Batho ba tshwanetse go tlotla tshwanelo ya batho ba bangwe go nna le dintlha tsa bona tsa tebo. Go ngangisana le go buisana ka dintlha ke karolo ya botlhokwa ya temokerasi.
Mo temokerasing, batlhankedi ba ba tlhophilweng ke batho ba tshwanetse go ikarabelela kwa bathong. Seno se kaya gore ba ikarabelela ditiro tsa bona. Batlhankedi ba tshwanetse go tsaya ditshwetso le go dira ditiro tsa bona go ya ka thato le keletso ya batho, e seng ya bona.
Mmuso le batlhankedi ba ona ba tshwanetse go bulega kwa setšhabeng ka ditiro tsa ona. Mmuso o o bonalang o tshwara dikopano tsa setšhaba le go dumelela baagi go tsenela. O dumelela badikuranta le batho go bona tshedimosetso ka ditshwetso bonolo le kwa ntle ga go khupetsa gore ke mang yo o dirang tshwetso le gore go reng.
Nngwe ya mesupatsela e e botlhokwa thata ya temokerasi ke ditlhopho tse di tlwaelegileng, tse di gololosegileng tse di siameng. Ke koo baagi ba kgonang go tlhopha batho ba ba ba batlang go ba busa. Ditlhopho di tshwanetse go diragala ka tsela e e gololosegileng le e e siameng, ntle le tshosetso, bobodu le matshosetsi go baagi ka nako kana pele ga ditlhopho.
Dinaga tse dintsi tsa temokerasi di na le Molaotlhomo wa Ditshwanelo go sireletsa batho kgatlhanong le tiriso botlhaswa ya dithata. Molaotlhomo wa Ditshwanelo ke lenane la ditshwanelo le dikgololosego tse di netefaleditsweng kwa bathong botlhe mo nageng. Fa Molaotlhomo wa ditshwanelo e nna karolo ya Molaotheo wa naga, dikgotlatshekelo di na le dithata go gapeletsa ditshwanelo tse. Molaotlhomo wa Ditshwanelo o lekanyetsa dithata tsa mmuso mme o ka gapeletsa gape ditiro mo bathong ka bongwe le mekgatlho.
Mo temokerasing go tshwanetse go nne le ditsela go thibela motlhankedi yo o tlhophilweng kana setlhopha sa batho mo go diriseng botlhaswa kana go sotlakeng madi a mmuso le dithata. Nngwe ya ditshotlako tse di tlwaelegileng thata tsa dithata ke bobodu. Bobodu bo diragala fa batlhankedi ba mmuso ba dirisetsa madi a setšhaba tshiamelo ya bona kana ba dirisa dithata tsa bona ka tsela e e seng ka fa molaong.
Go na le ditsela tse di farologaneng tsa go sireletsa batho kgatlhanong le ditshotlako. Mo Aforika Borwa mmuso o rulagantswe go ya ka makala a le mararo: kokoanopeomolao, phetiso le boatlhodi (dikgotlatshekelo). Thulaganyo e e lekanyetsa dithata tsa batlhankedi mo makaleng a a farologaneng a. Dikgotlatshekelo di ikemetse di le esi.
Mo temokerasing mokgatlho o o fetang bongwe wa sepolotiki o tshwanetse go tsaya karolo mo ditlhophong mme o tshameke karolo mo mmusong. Mokgwa wa mekgatlho mentsi o dumelela mokgatlho kana mekgatlho e e latlhegetsweng ke ditlhopho go nna baema kgatlhanong kwa mokgatlhong o o fentseng ditlhopho. Seno se thusa mmuso go bona dintlhatebo tse di farologaneng mo mererong. Mokgatlho wa bontsi gape o neela batlhophi boikgethelo jwa baemedi, mekgatlho le dipholesi go bouta mo ditlhophong. Ka gale, fa naga e na le fela mokgatlho o le mongwe, ditlamorago e nnile mmusa esi.
Mo temokerasing ga go ope yo o kwa godimo ga molao, le kgosi tota kana Moporesidente yo o tlhophilweng. Seno se bidiwa tsamaiso ya molao. Go kaya gore mongwe le mongwe o tshwanetse go obamela molao mme a tsewe a ikarabelela fa molao o tlolwa. Temokerasi gape e kaya gore molao o tshwanetse go dirisiwa ka tekano, ka tshiamo le ka go tshwana.
Le fa ditshwanelo tsotlhe mo molaotlhomong wa ditshwanelo di le botlhokwa, matsapa a tserwe go baya kgatelelo mo ditshwanelong tse segolo di amang matshelo a batho kana tota di ne di ikaeletswe go tsholetsa mesola e le meraro ya temokerasi ya Molaotheo e bong; tekano, kgololosego le seriti sa botho.
Ditshwanelo tsa setso.
Jaaka go tlhalositswe pele, tekano ke kakanyo ya ngwao e batho ba ba beilweng mo go tshwanang mo ditseleng tse di maleba ba tshwanetseng go tsholwa ka go lekana.
Mongwe le mongwe o a lekana fa pele ga molao mme o na le tshwanelo kwa tshireletsong e e lekanang le tshiamelo mo molaong.
Tekano e tsenyeletsa itumelelo ka botlalo le ka go lekana ya ditshwanelo tsotlhe le dikgololosego. Go godisa phitlhelelo ya tekano, peomolao le mekgwa e mengwe e e diretsweng go sireletsa kana go tlhagisa batho kana ditlhopha tsa batho, ba ba ikgatholositsweng ke kgethololo e e sa siamang, e ntse e ka tsewa.
Naga e ntse e ka se kgetholole ka go sa siamang ka tlhamalalo kana e se ka tlhamalalo kgatlhanong le mongwe le mongwe ka lebaka le le lengwe kana go feta go tsenyelediwa bosemorafe, bong, boimana, kemo ya nyalo, tlhago ya bosetšhaba kana loago, mmala, tshekamelo ya bong, bogolo, bogole, maikutlo, tumelo, setso, puo le botsalo.
Go se nne motho yo o tla kgethololang e se ka fa tshiamong ka tlhamalalo kana e se ka tlhamalalo kgatlhanong le mongwe le mongwe ka lebaka le le lengwe kana go feta ka mabaka a karolotlaleletso . Peomolao ya bosetšhaba e tshwanetse go tsenngwa molaong go thibela kana go iletsa kgethololo e e sa siamang
Kgethololo mo go e le nngwe kana go feta ya mabaka a a naneofaditsweng mo go karolotlaleletso ga e a siama ntle le fa go tlhomamisitswe gore kgethololo e siame
Mo theong ya tshiamelo e kana Molaotlhomo wa Ditshwanelo o feletse phekolo e tlisiwa kwa tsholong e e sa lekaneng magareng ga batho ba Aforika Borwa ka nako ya paka ya kgethololo. Batho ba ne ba ganelwa ditshwanelo tsa botho segolo bantsho. O neela sekao batho ba sotlilwe ka kgethololo kwa tirong, kwa gae le mo setšhabeng ka ntlha ya bosemorafe jwa bona, bong, bogole le mafelo a bonno. Le fa lephata la 9 le le fa godimo le tlameletse go se nne le kgethololo lephata le le golwane la setšhaba se se ntsi le sa ntse le bogisiwa ke go sa lekaneng go neela sekao basadi, batho na na nang le bogole, batho ba ba nang le HIV le AIDS mme go na le pharologano mo boemong jwa go tshela magareng ga batho ba ba tshelang mo mafelong a magae le bao ba tshelang mo mafelong a setoropo. Dikao di le mmalwa di tlametse go bontsha go sa lekaneng le ka fa Kgotlatshekelo ya Molaotheo e diraneng le dikgetse tse di jalo.
Kgaolo ya Ditšhaba Kopano e lemoga loago - ikonomi le ditshwanelo tsa setso jaaka ditshwanelo tsa dikokomane tsa bobedi ka 1945.
Ditshwanelo tsa bagolegwa kwa bonnong bo bo lekaneng, dikotla, go buisa matheriale le kalafi ya dingaka.
Mo tiragatsong ditshwanelo tsa botho di golagane ka katamelano le tse dingwe gonne go bontshitse ka bonako gore ga go na mosola mo mothong go nna le ditshwanelo tsa go bouta ntle le marulelo mo tlhogong ya gagwe. Ke ka mo theetsong ya Buela kwa Ntle e e neng e tshwerwe ka 1999, batho ba amogane maitemogelo a bona mo khumanegong. Seno se beile kgwetlho kwa mmusong mo tsweletsong ya ditshwanelo tsa loago - ikonomi. Ka jalo, ditshwanelo tsa ikonomi-loago di ka ga go tlamela batho ka ditlhokego tsa motheo tsa go tshela, ke ka maikaelelo a pele a lenaneo le ka 1998 e ne e le go farologanya magareng ga tlhokego le patlo.
Maikaelelo a setlhogo e ne e le go maatlafatsa batho ka go baya pele ditlhokego tsa bona fa go tlhokega go dira jalo ka nako ya tlhagiso ya ditirelo tsa loago- ikonomi. Ka go tsenya ditshwanelo tse mo Molaotheong mmuso o bontshitse tlamego kwa go fediseng khumanego le go sa lekaneng mo boemong jwa loago mo Aforika Borwa. Tlamego go ya pele e bontshitswe ka tlhomamiso ya Tumelano mo Ikonoming, Loago le Ditshwanelo tsa Setso ka 1998.
Mongwe le mongwe o na le tshwanelo go dirisa puo le go tsaya karolo mo botshelong jwa setso tsa boitlhophelo jwa bona fela ga go ope yo o diragatsang ditshwanelo tse yo o ka dirang jalo ka mokgwa o o sa tsweleleng le ditshiamelo dipe tsa Molaotlhomo wa Ditshwanelo
Batho ba ba leng ba setso, bodumedi kana baagi ba dipuo ba ntse ba ka se ganelwe tshwanelo, le maloko a mangwe a baagi bao go itumelela setso sa bona, go diragatsa bodumedi jwa bona le go dirisa puo ya bona, le go bopa, go kopanya le go tshola setso, bodumedi le mekgatlho ya borutapuo le dithwe tse dingwe tsa setšhaba se se tlhabologileng. Ditshwanelo mo go karolotlaleletso di ntse di ka se diragadiwe ka mokgwa o o sa tsweleleng le ditshiamelo dife tsa Molaotlhomo wa Ditshwanelo
Dikarolo ka bobedi di bonako fela go ya ka go nna tse di tswelelang le ditshiamelo tsa Molaotlhomo wa Ditshwanelo ka mafoko a mangwe ga di ka ke tsa dirisiwa gotlhelele fela di lekanyeditswe go fitlha fa go rileng. La bobedi di rulagantswe go sireletsa batho ba e leng ba setso kana setlhopha sa puo kana batho.
Naga le batho ba yona ba tshwanetse go tlhokomedisa kgatlhanong le go sunya nko kana go ikgatholosa tshwanelo go diragatsa setso sa baagi ba. Ntle le temogo ya ditso e e tlamelwang ke Athikele 27 ya Tlhomamiso ya Bogotlhe ya Ditshwanelo tsa Botho ka 1948, kgolagano ya boditšhaba mo Ikonoming, Loagong le Ditshwanelong tsa Setso tsa 1996. Didirisiwa tsa boditšhaba ka bobedi di amogetswe ke Aforika Borwa, mme di a dira le go gapelediwa. Aforika Borwa ka ditso bontsi jwa yona e tshwanetse go nna le ditso tse di tlhokometswe ke pemolao ke ka lebaka leo dikarolo tse di fa godimo. Jaaka ditiragalo tsa setso ga di a tshwanela go thulana le dipe tsa ditshwanelo mo molaotlhomong wa Ditshwanelo, foo di dirang di tshwanetse go tlwaediwa go tsamaelana le Molaotlhomo wa Ditshwanelo. Go neela sekao, setso sa nako e e fetileng se se amanang le kgotso mo molaong wa setso se tshwanetse go tlwaediwa ka Molao wa Temogo ya Manyalo a Setso wa 1998 wa jaanong. Go neela sekao, molao wa tlhatlhamano ya setso wa Aforika o tlamelela gore batho ba banna fela ba ne ba tla ja boswa jwa moswi seo ke boswa ka botsalwapele. Motlholagadi le bana ba ne ba tshwanelwa ke go tshegediwa ke motho wa monna yo o boneng boswa jwa thoto kana ba tlogelwe ntle le tshegetso. Setso se sentle se ile kgatlhanong le ditshwanelo tsa motheo tsa botho ke ka peomolao ya molao wa setso wa jaanong o o tshegetsang tshireletso e e lekanang ka molao.
Batho ba tshwanetse go tlotla ditiro tsa batho ba bona le dingwao, go thibela thulano.
Naga e tshwanetse go dumelela batho go diragatsa setso sa dingwao tsa yona ntle le fa ditiro tse di jalo di sa tswelele le Molaotheo.
Go botlhokwa thata, go ralala tirego ya botsayakarolo, gore batho ba tlotla ditshwanelo tsa ba bangwe. Seno se kaya go tlotla tshwanelo ya bona go nna le kgopolo, go khampheinela mokgatlho wa sepolotiki wa bona, go buelela merero ya bona (le fa seno se le kgatlhanong le morero), go boutela motho wa boikgethelo jwa bona le jalojalo.
Maikaelelo a lenaneo le ke go sedimosa maikarabelo / ditiro tse di tshwaragantsweng le tshwanelo nngwe le nngwe e e tshotsweng mo Molaotheong. Ke ka go tlamega gore moagi mongwe le mongwe wa Aforika Borwa a tseye maikarabelo ka masisi go tlhomamisa gore moagi mongwe le mongwe o itumelela mesola e meraro ya temokerasi jaaka kgololosego, tekano le seriti.
Kaelo e tlameletswe naga le baagi ba yona ka bobedi ka ditshwanelo ka bobedi di amogelwa ka tsepamo le thapamo tse di maleba.
Tiro ya me : go tlotla batho ba bangwe le fa ba farologane kwa go rona le go dumela gore ba lekana le rona.
Tiro ya naga: go dira molao o o dirang go tshwana kwa go mongwe le mongwe go sa natswe bosemorafe, mmala, bong jalojalo.
Tiro ya me : e seng go bua ka tsela e e kgethololang ka batho gonne o ikutlwa ba le kwa tlase mo go wena ka ntlha ya bosemorafe, bong, jalojalo.
Tiro ya naga: go dira melao e e sa kgethololeng kgatlhanong le batho mo mabakeng a bosemorafe, mmala, bong, tshekamelo ya bong jalojalo.
Tiro ya me: go se utlwise ope botlhoko gore o tshosetse botshelo jwa bona.
Tiro ya naga: go fetisa melao e e sireletsang matshelo a batho.
Tiro ya me: go se sotle molekane wa me kana bana mo sephiring sa legae.
Tiro ya naga: go iletsa tiriso ya tlhokofatso go bona tshedimosetso go tswa bathong.
Tiro ya me: go se dumelele bana ba me go ya tirong fa ba sale bannye thata.
Tiro ya naga: go fetisa molao o o bayang moputso wa minimamo le bogolo mo bathong ba ba dirang.
Tiro ya me: go kokota mo lebating la mongwe pele o tsena.
Tiro ya naga: go tshola tshedimosetso ya batho ka bona mo poraefeteng le sephiring, go neela sekao, mosadi yo o batlang go ntsha mpa o tshwanetse go itse gore tshedimosetso e e tla tsholwa poraefete.
Tiro ya me: go se sunye nko mo kana go thibela motho mo go obameleng jaaka a rata, go reetsa batho ba bangwe le go amogela tshwanelo go nna le kgopolo e e farologaneng go ya bona.
Tiro ya naga: go letla batho go tsaya maikhutso a botlhe mo malatsing a sedumedi a bona.
Tiro ya me: go phasalatsa letlhoo magareng ga batho ba merafe, sedumedi, mekgatlho ya sepolotiki e e farologaneng jalojalo.
Tiro ya naga: go se beye maparego mo kgatisong fa ba sa rate kgatiso e bona mmuso diphoso.
Tiro ya me: go se rwale sethunya kana sebetsa se se kotsi mo mogwantong kana tshupetsong.
Tiro ya naga: go tlhola pabalesego le go sireletsa batho ba ba batlang go nna le tshupetso, go neela sekao, ka go faposa pharakano, ka go tsaya dithunya le dibetsa.
Tiro ya me : go se ntshe batho go tswa setheong sa me ka mabaka a a kgethololang, sekao, ka go gana go letla batho ba Matšhaena mo setheong sa me.
Tiro ya naga: go se sunye nko mo dipholesing tsa mekgatlho ya sepolotiki, mekgatlho ya kgwebo jljl.
Tiro ya me: go se tshosetse batho ba e leng ba mokgatlho wa sepolotiki o o farologaneng le wa gago.
Tiro ya naga : go letla mekgatlho yotlhe ya sepolotiki go dira ka kgololosego, go letla mekgatlho yotlhe ya sepolotiki bokana bo bo tshwanang jwa nako ya go tlhagelela mo thelebišeneng.
Tiro ya me: go se batle kana go tshosetsa batho go boutela mokgatlho wa sepolotiki wa me.
Tiro ya naga: go sireletsa batho kwa diteišeneng tsa go tlhopha ka tshireletso e e siameng. Go neela tetla e e lekanang ya go khampheina kwa mekgatlhong yotlhe ya sepolotiki mo ditlhophong, go tlamela batho ka dipalangwa mo mafelong a a kgakala go ya diteišeneng tsa go tlhopha.
Tiro ya me: go letla batho go baya dibena le diphousetara mo torepong ya me kana lefelo mme e seng go folosa dilo tse.
Tiro ya naga: go letla mongwe le mongwe tšhono ya mokgatlho wa gagwe wa sepolotiki bokana jwa nako e e tshwanang go tlhagelela mo thelebišeneng.
Tiro ya me : go lemoga gore re a lekana rotlhe jaaka MaAforika Borwa.
Tiro ya naga: go dira melao e e gagametseng ka go letla batho go tswa dinageng tse dingwe le ditšhaba mo Aforika Borwa.
Tiro ya me: go amogela mongwe le mongwe yo o tlang le go tshela go bapa le nna jaaka moagisani.
Tiro ya naga: go rebola diphaseporoto le makwaloitshupo kwa baaging botlhe ba ba dirang kopo.
Tiro ya me: go amogela boikgethelo bo batho ba bo dirang ka fao ba ratang go itirela botshelo.
Tiro ya naga: go letla barekisi ba tsela le barekisi ba mo mathoko go gweba le go fetisa molao go laola se.
Tiro ya naga: go dira bonolo le tlhotlhwatlase mo bathapiweng go dira kgetse kgatlhanong le mothapi fa ba dumela gore ba kobilwe e se ka fa tshwanelong kana go tsholwa.
Tiro ya me: go letla batho ba bangwe koo ke dirang go tsenela mokgatlho wa badiri ofe kana ofe o ba o tlhophang ntle le go ba tshosetsa.
Tiro ya naga: go letla mekgatlho yotlhe go kwadisa.
Tiro ya me: fa ke le mo ipelaetsong go letla batho ba bangwe koo ke dirang go tswelela go dira fa ba tlhopha.
Tiro ya naga: go sireletsa badiri ba ba ipelaetsang le fa go ka bo go kaya gore mapodisi a tshwanetse go dira se.
Tiro ya me: go se itlhome mo morago ga legora la mongwe.
Tiro ya naga: go lemoga ditshwanelo tsa batho go bona naga ya bona e ba boetse fa ba ne ba tlositswe ka kgang, go duela batho fa e le gore lefatshe la bona le ne le tserwe mo go bona.
Tiro ya me: fa ke dira kopo ya bonto ya legae la me go dira dituelelo kgwedi le kgwedi.
Go dira le lephata la poraefete jaaka dibanka, go dira dintlo go fitlhelela kwa bathong ba le bantsi, go tlosa dikgoreletsi tse di dirang boima mo bathong go bona dikadimo go reka kana go aga dintlo.
Tiro ya me: go romela bana ba me botlhe kwa sekolong.
Tiro ya naga: go aga dikolo tse di lekaneng le go tlamela barutabana ba ba lekaneng gore mongwe le mongwe a kgone go ya sekolong.
Tiro ya me: go tlamela bana, kana go ba sotla mo sephiring sa legae kana mo setšhabeng. Go tlamela mokgoro o o botoka o nka o kgonang go sireletsa banake.
Tiro ya naga: go tlamela sekema sa dijo le magae a bana ba ba ikgatholositsweng, go batlisisa dikgetse tsa tshotlako ya bana.
Tiro ya me : go lebelela le go tlhokomela dipompo tsa metsi le go di tshola mo boleng bo bo siameng, go sa kgotlhele dinoka tse batho ba di dirisetsang go nwa metsi, go se nwe, go goge kana go tsaya diritibatsi go sireletsa boitekanelo jwa me, go latlhela maswe a legae mo lefelong le le siameng kgakala le batho, go duela direiti le ditirelo tsa dituelo kwa Khanseleng ya Mmasepala.
Tiro ya naga: go tlamela ditlosa maswe go tlosa maswe a a tlholang bolwetse, go tlamela metsi a a phepa a a tsamayang kwa baaging botlhe, go se kobe batho go tswa dipetleleng fa ba tlhoka tlhokomelo.
Tiro ya me: go tlotla setso sa batho ba bangwe mme e seng go itshunya nko mo mokgweng o batho ba bangwe ba dirang dilo.
Tiro ya naga: go lemoga gore dipuo tsotlhe di botlhokwa, go tlhola mananeo a thelebišene a ditlhopha tsa dipuo tsotlhe mo Aforika Borwa.
Tiro ya me: go botsa batlhankedi ba mmuso dipotso fa ba dira ditshwetso tse o sa di tlhaloganyeng.
Tiro ya naga: go tlamela mabaka a ditshwetso, go dira bonolo mo bathong go bona tshedimosetso go tswa batlhankeding.
Tiro ya me: go bega batlhankedi ba o akanyang ba dirisitse botlhaswa dithata tsa bona kwa Mosireletsing wa Setšhaba.
Tiro ya naga: go tsaya kgato kgatlhanong le batlhankedi ba ba bobodu le go se sireletse batlhankedi ba ba dirisitseng dithata tsa bona botlhaswa.
Tiro ya me: go dirisa dikgotlatshekelo go rarabolola kgotlhang, e seng go itseela molao mo matsogong.
Tiro ya naga: go tlamela babueledi ntle le tuelo kwa bathong go ba dirisa mo kgotlatshekelo go iphemela.
Tiro ya me: go amogela gore mongwe le mongwe o na le tshwanelo kwa tshekisong e e siameng, go nna le mmueledi go ba emela yo o duelwang ke naga, go ntsha ka beile jalojalo.
Tiro ya naga: go bolelela batho gore ba na le tshwanelo kwa mmueleding ka ditshenyegelo tsa naga, go neela mongwe le mongwe tshekiso e e siameng, jalojalo.
Tekanyetso e tshwana le tshutlhelelo. Molao o o lekanyetsang tshwanelo o sutlhelela tshwanelo. Le gale, tshutlhelelo ga e ne e nna kwa ntle ga molaotheo fa e diragala ka lebaka gore e lemogiwa jaaka lebaka la tshutlhelelo ya ditshwanelo mo setšhabeng se se buang sa temokerasi se se theetsweng mo mesoleng e meraro ya temokerasi (seriti sa motho, tekano le kgololosego).
Ka mafoko a mangwe, ga se ditshutlhelelo tsotlhe tsa ditshwanelo tsa motheo tse di seng ka fa molaotheong. Foo tshutlhelelo e ka arabelwang go ya ka kelo mo karolong 36 e tla dira ka molaotheo.
a tlhago ya tshwanelo b botlhokwa jwa maikemisetso a tekanyetso c tlhago le boleng jwa tekanyetso d kamano magareng ga tekanyetso le lebaka la teng; le e mekgwa e e thibelang go le gonnye go fitlhelela maikemisetso.
Ntle le jaaka go tlametswe mo go karolotlaleletso 1 kana mo tshiamelong efe kana efe e nngwe ya Molaotheo, ga go molao o o ka lekanyetsang tshwanelo efe kana efe e e tshotsweng ya Molaotlhomo wa Ditshwanelo.
Pele ga go buisana ka tekanyetso ya kakaretso (karolo 36) go botlhokwa go umaka gore ditekanyetso tse di tshwanang di mo maemong a dikgabaganyo molelwane le dipolelwana tsa tekanyetso tse di kgethegileng. Go neela sekao ditshwanelo dingwe di na le dikgono tse di bontshang tekanyetso e e gapeleditsweng mo karolong e e rileng ya Molaotlhomo wa Ditshwanelo.
Dikarolo 15 , 16 , 17, 22, 23 le , 29 , 31 le 32.
Le gale, tekanyetso e tshwanetse go farologanngwa go tswa nyenyefatsong kana karolwana ya tsweletso, jaaka karolo 37 e e dirang fela mo tshoganyetsong ya setšhaba le go dumelela tsweletso ya ditshwanelo dingwe tsa kgaolo 2 mo mabakeng a a rileng.
Le fa ditshwanelo di sa dirisiwe ka nosi tekanyetso go ya ka karolo 36 e baya tlamego kwa nageng le setšhaba go tlotla ditshwanelo tsa batho ka nosi, ka mafoko a mangwe karolwana ga e fete botlhokwa jwa ditshwanelo tsa batho, go ya ka mokwadi Ronald D'workin mo athikeleng ya gagwe Taking Rights Seriously ditshwanelo tsa mong di botlhokwa kana di feta maikemisetso a a kopaneng. Go sa kgathalesege gore maikemisetso a a kopaneng a botlhokwa, ga a ka ke a salwa morago ka mokgwa o o ikgatholosang ditshwanelo tsa mong. Le gale, karolwana ya tekanyetso e re bolelela gore mo Ditshwanelong tsa Molaotlhomo wa Aforika Borwa, fa ditshwanelo ka gale di tla tlhola maikemisetso a a kopaneng, go na le mabaka fa ditshwanelo di tshwanetseng go sutela matshwenyego a loago a botlhokwa bo bo feteletseng.
Tlhaloso e kopana ya se se kaiwang ka kelo e e beilweng ke karolo 36 ya go lekanyetsa ditshwanelo tsa batho.
Molao wa tiragatso ya kakaretso o kaya molao o o dirang ka bogotlhe. Go neela sekao e tshwanetse go nna molao o mmuso o nang le bothati go neela sekao, molawana wa molao. La bobedi e tshwanetse go nna molao o o phepa, o o fitlhelegang le o o maroka gore bao ba ba amiwang ke ona ba ka tlhomamisa boleng jwa ditshwanelo tsa bona le ditlamego go neela sekao Molao wa Tsamaiso ya Tshekotshenyo 51 wa 1977 jaaka o tlhabolotswe.
Maemo a tlhoka gore tekanyetso e thibele tshwanelo ya motheo fela mo mabakeng a a dumelesegang le a a masisi a boleng jwa temokerasi ya seriti sa botho, tekano le kgololosego. Gape e tshwanetse go nna tekanyetso e e yang go fitlha fa go boneng maikemisetso a a ikaeletsweng. Go neela sekao, go tshwara mmelaelwa go ikaeletswe go bona go nna teng ga mmelaelwa mo kgotlatshekelo. Foo bopaki bo bonweng gore mmelaelwa o tla tlotla letsatsi la tlhagelelo, le gore kgatlhegelo/tshireletso ya baagi e a lebelelwa, maikemisetso a go lekanyetsa tshwanelo ya motho ya kgolosego le tshireletso a a wa. Ke ka mmelaelwa a abetswe beile mo diureng tse somaamabedi robedi morago ga go tshwarwa.
Tekanyetso ya ditshwanelo tsa molaotheo tsa mabaka a a utlwalang le go tlhokega mo setšhabeng sa temokerasi e ama go lekanyetsa godimo ga boleng bo bo gaisanang, mme kwa bofelong le tshekatsheko e e theetsweng mo tekatekanong. Seno se tshisinngwa mo ditshiamelong tsa s 33 . Ntlha ya gore ditshwanelo tse di farologaneng di na le bokao jwa temokerasi, mme mo lebakeng la Molaotheo wa rona, mo setšhabeng se se buang sa temokerasi se se theetsweng mo kgololosegong le tekano, go kaya gore ga go na boemo bo bo feletseng bo bo ka bewang fatshe go tlhomamisa go utlwala le tlhokego. Ditheo di ka tlhomiwa, fela tiragatso ya ditheo tseo kwa mabakeng a a rileng di ka dirwa fela mo kelong ya kgetse ka kgetse. Seno se fitlhelwa mo tlhokegong ya tekatekano, e e batlang go lekanngwa ga dikgatlhego tse di farologaneng. Mo tiregong e e lekanyang, ditshekatsheko tse di maleba di tla tsenyeletsa tlhago ya tshwanelo e e lekanyeditsweng, le mosola wa teng kwa setšhabeng se se buang sa temokerasi se se theetsweng mo kgololosegong le tekano, maikemisetso a teng a tshwanelo e lekanyediwang le botlhokwa jwa maikemisetso ao kwa setšhabeng se se jalo, boleng jwa tekanyetso, bokgoni jwa teng, mme segolo foo tekanyetso e tshwanetseng go tlhokega, go raya gore bokhutlo bo bo eletsegang bo ka fitlhelelwa mo go utlwalang ka mekgwa e mengwe e e senyang go le gonnye kwa ditshwanelong tse di kaiwang. Mo tiregong tlhokomediso e tshwanetse go nna le tshiamelo ya 33 , le boleng bo bo rweleng Molaotheo, go gakologelwa gore, jaaka Moatlhodi wa Canada a buile, "seabe sa Kgotlatshekelo ga se go fopholetsa la bobedi botlhale jwa boikgethelo jwa pholesi bo bo dirilweng ke babayamolao".
Tseno ke dingwe tsa dikao tsa maemo foo ditshwanelo di leng mo thulanong mme e le nngwe (kana ka bobedi) jwa ditshwanelo di tshwanelwa ke go lekanyediwa. Fa mekgatlho e e mo thulanong e sa kgone go rarabolola bothata ka go rialo ba ka romela kgetse kwa dikgotlatshekelo. Kgotlatshekelo e tla tshwanelwa ke go tsaya tshwetso gore ke ofe yo tshwanelo ya gagwe e leng botlhokwa go feta mo lebakeng lengwe le lengwe le gore a go a utlwala le go siama go lekanyetsa tshwanelo.
Go lekanyetsa tshwanelo ya motho kwa botshelong le tshwanelo kwa seriting.
Go lekanyetsa tshwanelo ya ngwaga kwa thutong ya motheo kgatlhanong le tshwanelo kwa thutong le setso.
Tshwanelo ya ngwana go sirelediwa mo go tsholweng maswe le go sotlakiwa kgatlhanong le tshwanelo ya motsadi go otlhaya bana ba gagwe mo sephiring sa legae la gagwe ntle le ope go itshunya nko.
Tshwanelo ya basadi go tsholwa ka go lekana le ka seriti, le tshwanelo kwa kgololosegong le tshireletso ya motho (go gololosega go tswa mekgweng yotlhe ya dintwa).
Tshwanelo ya motho go tlhopha ka fa o ka bonang lotseno lwa go tshela kgatlhanong le tshwanelo ya baagi go nna le tikologo e e sireleditsweng gore batho botlhe ba kgone go tshela ka gale foo.
Tshwanelo ya moithuti go kgethololwa kgatlhanong mo mabakeng a sedumedi le tshwanelo ya gagwe kwa thutong kgatlhanong le tshwanelo kwa setsong sa gagwe.
Tshwanelo go dira boipelaetso kgatlhanong le tshwanelo ya setšhaba go tshela mo tikologong e e babalesegileng.
Tshwanelo ya basadi go nna le taolo mo mebeleng ya bona le go tsaya tshwetso ka ntsifalo kgatlhanong le tshwanelo ya ngwana yo o sa belegwang go ya botshelong.
Mokgatlho o tshwanetse go gakologelwa gore ' tshwanelo go dikolosa feisi ya gago foo nko ya motho yo mongwe e simololang'. Ka jalo motho o tshwanetse go leka le go bona fa go le ditsela tse dingwe go na le go lekanyetsa tshwanelo, go fitlhelela maikemisetso a a tshwanang.
Naga e tshwanetse go tsweletsa peomolao go sireletsa batho go tswa mo ikgatholosong kana tekanyetso kana ditshwanelo tsa bona le thanolo e e siameng ya karolo 36 ya Dikgotlatshekelo tsa Khomišene. Go neela sekao karolo 39 e tlamelela gore; 'Fa go ranolwa Molaotlhomo wa Ditshwanelo, kgotlatshekelo e tshwanetse go godisa boleng bo bo tshegetsang setšhaba se se buang sa temokerasi se se theetsweng mo seriting sa botho, tekano le kgololosego', Maemo a sala go tshwana le ka karolo 36.
Hisitori ya Aforika Borwa e bontsha gore go ne go na le maphata a baagi a a neng a ikgatholositswe ke puso e e fetileng. Go neela sekao Bantsho ba ne ba tsholetswe kwa tlase mo bathong botlhe ba Aforika Borwa. Le gale, go ne go na le ditlhopha magareng ga ditšhaba tsotlhe tsa Aforika Borwa tse di neng di tshwentswe ke bobotlana bo bo tswelelang. Ditlhopha tse di jalo di mo kotsing ya tsholo e e kwa tlase le mo pakeng ya temokerasi. Ke ntlha e e itsegeng gore Bantsho ba mo bontsing.
Ditlhopha tse di fa godimo di tsentswe mme segolo go tlamelelwa ke karolo e e fa godimo ya Molaotheo, mme melao e e farologaneng e itsisitswe go di sireletsa jaaka go tlhagisitswe mo Molaotheong wa jaanong o o tlhokang gore Molao wa Tlholego o tla tswelediwa go tlhomamisa kgapeletso ya tshwanelo. Le fa molao o o jalo o siamisitswe, go latelwa go sala go se kgotsofatse, go sa kgathalesege ntlha ya gore go na le dikotlhao tsa go se tsamaelane. Boitshwaro bo bo digile boitshepo jwa baagi kwa mokgweng wa Bosiamisi ke ka bontsi bo itseela molao mo diatleng.
Karolo 28 ya Molaotheo e tlamela gore...
Maiteko a dirilwe go gapeletsa le go sireletsa ditshwanelo tse ka Molaotheo, Tumalano ka Ditshwanelo tsa Ngwana ya Seetebosigo 1995, le melao e e farologaneng e e amanang le ditshwanelo tsa bana. Go ya pele diporojeke le mananeo di rulagantswe go sedimosa ka fao morero wa tshotlako ya bana o leng masisi ka teng, fela maemo a etegela ka malatsi segolo tshotlako ka thobalano le go se tlhokomele. Go na le mekgatlho e e lwantshang tiro e fela go ya ka dipalopalo basiamolodi ba melato e e jalo ba tsamaya ka kgololosego ka ntlha ya tlhokego ya bopaki. Dilo tse di tswakanngwa ke maemo a loago-ikonomi fa bana ba newa katsophepiso go didimala. Le gale naga e tlametse batsereganyi go ya ka karolo 70A ya Molao wa Tsamaiso ya Bosenyi 51 wa 1951 jaaka o tlhabolotswe go thusa dipaki tsa bana.
Go tswa mo lenaneng le le fa godimo go mo molaleng gore go sa sireletsegang ga setlhopha go letse mo go sa diragatseng ga ditshiamelo tse di tlametsweng go sireletsa tshwanelo ya bana. Ka jalo baagi ba kopiwa go nna leitlho le ntšhotšho kwa ikgatholosong ya ditshwanelo tsa semolao tsa bana le fa ngwana a sotliwa ke motsadi kana maloko a lelapa. Go lemoga ditshwanelo tsa semolao tsa bana tsweetswee bona tshedimosetso e e tshwaragantsweng mo bothateng bo bo bonwang ke bana mo kgotlatshekelo, mme gape buisa bukana ya Molaotlhomo wa Ditshwanelo Kgaolo ka ditshwanelo tsa Bana.
Kwa bokhutlong naga mo Molaotheong e tlameletse tshireletso ya ditshwanelo tsa bana ka didirisiwa tse di dirilweng mo Molaotheong o o tsenyeletsang Khomišene ya Baša e e tlhomilweng go ya ka Molao wa Bosetšhaba wa Khomišene ya Baša 19 wa 1966 jaaka o tlhabolotswe ka 2000. Lekwalo le le tletseng mo khomišeneng e le teng ka fa tlase ga karolo mo Tshireletsong ya Ditshwanelo tsa rona.
Karolo 9 ya Molaotheo e tlamela gore Go ya ka hisitori basadi ba tsere maemo a bobotlana bo bo tswelelang, mo Aforika Borwa fa e sale bogologolo jwa ga Bile. Maemo ke a a sa lekanyediwang a a sa kgathaleleng bogolo, bosemorafe kana maemo a loago. Le fa karolo 9 ya Molaotheo e tlhagisitse ka mokgwa o o totobetseng gore mongwe le mongwe o a lekana fa pele ga molao mme o na le tshwanelo kwa tshireletsong e e lekanang le tshiamelo ya molao. Mo go karolotlaleletso go umakilwe gore kgethololo kgatlhanong le tshekamelo ya bong e tshwanetse go thibelwa, fela basadi ba sala go nna batswasetlhabelo ba kgethololo e e sa siamang. Go ya pele, jaaka bana go na le didirisiwa tsa boditšhabatšhaba, kgaolo le bosetšhaba tse di tlhomamisang gore ditshwanelo tsa basadi ba a lemogiwa mme ba tshwanetse go sirelediwa.
Go ya ka Ngaka Danny Titus 'tshwanelo ya basadi e simolola kwa gae'. Di ne di sa dirwa kwa Geneva kana Banjul kana Strasbong kana Vienna kana SanJose, koo mekgatlho ya boditšhabatšhaba e kopanang le go gwetlha le go dira mafelo mo didirisiweng tsa ditshwanelo tsa botho tsa boditšhabatšhaba. Se se tlhagelelang mo mafelong ao se ka diragala fela gonne batho le mekgatlho kwa maemong a selegae le a bosetšhaba ba lemoga bothata, go tsweletsa merero, le go dira gore di itsiwe kwa setšhabeng le kwa badiring ba pholesi' Ditshwanelo tsa Botho ka Kotara 161994 559 - 573.
Fa e sale basadi ba ne ba ikgatholositswe pele ka mabaka a le mantsi a matshelo a bona, motho a ka ba tsaya jaaka ba ba nang le ditshwanelo tse di feteletseng mme gape a na le maikarabelo a a feteletseng. Naga gape e solofela go tsenya diphetogo mo molaong wa naga kana go dira molao o moša go phekola maemo a a boima a.
Lereo bogole kana ba ba kgoreletsegang le kaya tatlhegelo kana tekanyetso ya ditšhono go tsaya mo botshelong jwa baagi mo maemong a a lekanang le ba bangwe. Le fa go se na tlhaloso ya semolao ya lereo bogole, le tsenyeletsa mefuta e mentsi e e farologaneng ya ditekanyetso ka bokgoni jwa motho go dira. Mo dikwalong tsa pholesi tsa Aforika Borwa lereo le le kaya dikgolafalo tsa mmele, kakanyo le methapo. Ka jalo batho ba ka nna le bogole jwa mmele bo bo amang maoto/mabogo, bogole jwa methapo bo bo amang go reetsa, pono le bogole jwa tlhaloganyo bo bo amang ka bobedi kakanyo le dikgono tsa go akanya.
Karolo 19 ya Molaotheo e tlamelela gore 'moagi mongwe le mongwe o gololosegile go dira boitlhophelo jwa sepolotiki bo bo tsenyeletsang tshwanelo go aga mokgatlho wa sepolotiki, go tsaya karolo mo ditirong tsa teng, go khampheinela mokgatlho wa sepolotiki.
Moagi mongwe le mongwe o na le tshwanelo kwa ditlhophong tse di gololosegileng di siame le go nna ka gale tsa setheo sefe kana sefe sa molao se se tlhomilweng go ya ka Molaotheo. Moagi mongwe le mongwe wa mogolo o na le tshwanelo go boutela setheo sefe kana sefe sa molao se se tlhomilweng go ya ka Molaotheo, le go dira jalo mo sephiring, le go emela ofisi ya setšhaba fa a tlhophilwe, go tshola ofisi.
Fa e sale karolo e e neela moagi mongwe le mongwe wa mogolo tshwanelo go tlhopha mo ditlhophong, seno ke tshutlhelelo e kgolo mo dipolotiking tsa Aforika Borwa. Ditshwanelo tsa go bouta e ne e le tsa bobotlana jwa basweu bo bo tlhophilweng go fitlha 1983 fa Palamente ya dikamore tse tharo e ne e tlhagisiwa. Ke Basweu, Bammala le MaIndia fela ba ba neng ba fiwa tetloboutu go fitlha ditlhopho tsa ntlha tsa temokerasi tsa 1993 foo baagi botlhe ba bagolo ba Aforika Borwa ba neng ba fiwa kgololosego go tlhopha, go emela ditlhopho le go aga mekgatlho ya sepolotiki ya boikgethelo jwa bona. Le gale, pele ga ditlhopho tsa 1999 go ne go na le boikgatholoso jwa ditshwanelo kwa ditlhophong tse di gololosegileng. Go neela sekao SAHRC, Pegelo ya Ngwaga ya 1999, e ne ya tshwanelwa ke go batlisisa dikgetse foo ditshwanelo tsa batho tsa sepolotiki di neng di ganelwa e le ka baeteledipele ba setso kana balemirui.
Mo karolong ya Ditshwanelo le Maikarabelo, go na le tse di dirwang le tse di sa dirweng tsa batho le naga go ya tshwanelong.
Go tlhomamisa gore boagi bo tlhomamisiwa pele go iwa go kwadisetsa go tlhopha ka go bona lokwalo lwa boitshupo lwa semmuso le go le tsaya go le isa seteišeneng sa go tlhophela.
Go sireletsa seteišene sa go tlhopha sotlhe.
Go neela mokgatlho mongwe le mongwe wa sepolotiki bokana bo bo tshwanang jwa nako go bua mo thelebišeneng le radio.
Go diragatsa karolo 20 ya Molaotheo o o tlamelelang gore 'Go se nne moagi yo o tla tseelwang boagi'.
Go diragatsa Molao wa Ditlhopho ka dinako tsotlhe segolo ka nako ya ditlhopho.
Karolo 23 ya Molaotheo e tlamelela gore 'Mongwe le mongwe o na le tshwanelo kwa ditiragalong tsa bodiri tse di siameng' e akaretsa ditshwanelo tsa bathapi ka bobedi le bathapiwa le mo kamanong kwa kagong ya mekgatlho ya badiri. Karolo e e dira mmogo le dikarolo 13 - bokgoba, bodiredi le bodiri bo bo gapelediwang, 16 - kgololosego ya puo, 17 - tshupetso ya kokoano, ipelaetso le phetišene le 18 - kgololosego ya kamano.
Karolo e ya molao e ne e fekeediwa ke kgethololo e e ikaegileng ka bosemorafe, bong, maemo le bogolo.
Borweng. Go sa kgathalesege maemo a thuto, Bantsho ba ne ba tshotse maemo a a kwa tlasetlase segolo basadi le bana ba ba neng ba dirisiwa mo bokgobeng le bodiri bo bo gapeletsang. Batho ba ba nang le bogole ba ne ba sa amogelelwe go thapiwa. Le gale molao wa bodiri o tsweleditswe ka tsenelelo go fodisa dikgaogano tsa maloba go lebelela kgethololo le botlhokatiro le fa dintlha di santse di gaketse tota le badiri ba dipolase ba ne ba sa tsenngwa mo Molaong wa Bodiri wa Aforika Borwa 1995 ka lebaka leo ba sotlegile go feta mme ba santse ba itemogela pogisego go tswa balemiruing. Seno se tlhodile go sa utlwaneng fela maemo a a tokafala morago ga fa molao o sena go goelediwa wa badiri ba dipolase le badiri ba mo magaeng. Molao o tlhabolotswe mo Molaong wa Dikamano tsa Badiri wa 1995, Maemo a Motheo a Thapo 1997 mme molao o moša o beilwe go neela sekao Molao wa Thapo ya Tekano 55 wa 1998, Molao wa Tshupetsokgono ya ditiro ya Boitekanelo le Pabalasego 78 wa 1995, Molao wa Tsweletso ya Dikgono 85 wa 1996. Maikaelelo magolo a tsweletso ya melao yotlhe ke tokafatso ya maemo a go dira go oketsa mmaraka wa bodiri le go tlisa maemo a go dira a boleng go botlhe jaaka go batliwa ke molaotheo mo matsenong a teng ' Tokafatsa boleng jwa botshelo jwa baagi botlhe le go golola bokgoni jwa motho mongwe le mongwe'.
Go maatlafatsana ka dikgono kana borutegi bo bo tlhokegang go gaisanela diposo tse di maleba.
Go ikobela melao ya motshameko kwa mafelong a tiro.
Go itshwarelela kwa maitsholong a a siameng le go latela tsamaiso e e nepagetseng go gapeletsa ditshwanelo tsa mong, segolo tshwanelo kwa go ipelaetseng.
Go efoga kgethololo ya ba bangwe mo motheong ofe kana ofe.
Naga e tshwanetse go tlhola le go gapeletsa molao o o sireletsang badiri kgatlhanong le kgethololo le bodiri bo bo gapelediwang.
Ka tsela e go tlhola kamogelo ya go lebelela ga setlhopha. Go ya pele batho ba kgaratlha go tshola kana go bona go naganela ntlheng e le nngwe ga ka fa gare ga setlhopha go go siameng malebana le ditlhopha tse dingwe, jaaka seno se tlhagisa ka fa go siameng mo go itshekatshekeng.
Ga ke tshisinye gore batho mo thathamologelong ba swetsa go dirisa dikakanyo tsa ntlha e le nngwe ka fa go sa tshwanelang Tota, dikakanyo tsa ntlha e le nngwe tsa bosemorafe le bong di teng, mo dikakanyong tsa rona, di tsalwa ke go tlwaediwa ke loago mme di rotloediwa ke setso se se itsegeng le media. Ka dinako dingwe di jaleletswe mo ditheong tsa rona. Re tlwaetse go di amogela jaaka dinnete. Fa re lebagane le bothata, re di dirisa ka botsona gonne go le mo tlhagong e bile go le bonolo - bonolo thata go na le tota go tlhatlhoba bothata le go tla kwa bokhutlong bo bo utlwalang ka tirego ya kakanyo ya go reetsa le go sekaseka
KITSO: Go baya ka ditlhopha go tlisa lefatshe kwa tebong e e bogale mme go tlhola tikologo e e bonang e mo go yona dilo di leng dintsho le bosweu go feta, di sa bonale go le gonnye le go nna botemepedi. E re rwesa kago mo lefatsheng le maitemogela a rona ka fa teng. E re dumelela go dira bokalo bo bogolo jwa tshedimosetso ka nako e le nngwe.
BOLENG: Kakanyo ya ntlha e le nngwe e tsaya karolo kwa mekgweng ya boleng jwa motho. Foo go baya ka ditlhopha go tletseng boleng mme go na le bomaleba bo bo tlhamaletseng le bo bo botlhokwa go ya kwa mokgweng wa boleng, go na le peeletso ya sebele mo go beeletseng le go gatelela tirisano ya ditlhopha.
Kutlwelelo e e amogelang (go tswa go go tlhaloganya) e tsena ka mo teng ga kagego ya motho yo mongwe ya kaelo. O lebelela ka yona, o bona lefatshe ka tsela e ba le boneng ka yona, o tlhaloganya ka fa ba ikutlwang.
Go reetsa ka go amogela go maatla gonne go go neela tshedimosetso e e nepagetseng go dira ka yona. Boemong jwa go ntshetsa ntle lokwalotshelo lwa gago le go amogela menagano, maikaelelo le thanolo, o dira ka dinnete ka fa gare ga tlhogo ya motho yo mongwe le pelo. O reeditse go tlhaloganya. O tsepamisitse mo go amogeleng tlhaeletsano e e boteng ya mowa wa motho yo mongwe.
Le fa go le boima, batla pele go tlhaloganya, kana tlhatlhoba pele o tsaya tshwetso le go tlhagisa.
Senotlolo sa kwa katlholong e e siameng ke go tlhaloganya. Ka go atlhola pele, motho a ka se tlhaloganye ka botlalo.
Ka ntlha ya go reetsa ka ga lokwalo lwa botshelo jwa gago, re tlwaetse go arabela ka ditsela e le nngwe ya tse nne. Re sekaseka e ka nna dumela kana go se dumele; re batlisisa - re botsa dipotso go tswa kagegong ya kaelo ya rona; re a eletsa - re neela khansele e e ikaegileng ka maitemogelo a rona; kana re a ranola - re leka go batlisisa batho, go tlhalosa maikemisetso a bona, maitsholo a bona, go ikaegilwe ka maikemisetso le maitsholo a e leng a rona. Dikarabo tse di tla ka tlholego kwa go rona. Re tshwareletse mo go tsona ka boteng mme re tshela go dikologa dinako tsa teng dinako tsotlhe.
Kana go tlhaloganya tota go ka dira pharologano e kae! Keletso yotlhe e e bokao bontle mo lefatsheng e ka se lekane le thaba ya dinawa fa re sa lebelele bothata jwa nnete bo bo tlisiwang go rona. Gape ga re kitla re fitlha kwa bothateng fa re bofilwe ke lokwalotshelo lo e leng lwa rona, dikao tse e leng tsa rona, tse re sa tloseng digalase tsa rona mo go lekaneng ka boleele go bona lefatshe go tswa ntlheng e nngwe ya pono.
Fa o batla tota go tlhaloganya, ntle le kaedi le ntle le boitimokanyo, go tla nna le dinako fa o tla gakgamala ka nnete ka kitso e e tlhapileng le go tlhaloganya go go tla elelelang go wena go tswa mothong yo mongwe. Ga go tlhokege le ka gale go bua gore o tlhaloganye. Tota nako nngwe mafoko a ntse fela a ka tsena mo tseleng ya gago.
Jaaka fa o ithuta go reetsa ka tsenelelo batho ba bangwe, o tla lemoga dipharologano tse dikgolo mo tebegong. O ntse o ka bona lefatshe ka digalase tse di mo lefelong la molekane; ke le bona ka dilense tsa lefelo la madi la tshwenyego ya ikonomi.
Go kgoma mowa wa motho yo mongwe ke go tsamaya mo mmung o o itshekileng.
Go na le thutiso e e dirwang mo phaposing. Ditshwantsho tsa thutiso di abiwa mo phaposing.
Fa tshwanelo ya mongwe e ikgatholositswe a ka dirisa tsela e e seng ya molao ya go sireletsa tshwanelo ya gagwe. A ka leka go rarabolola morero le motho yo o amegang.
Moeteledipele wa baagi, jj.
Kgaolo 9 ditheo ke dikagego tseo tse di ka atamelwang go sireletsa ditshwanelo tsa mongwe.
Mosireletsi wa Bosetšhaba wa Setšhaba, Motlhomaganya ditaba, jaaka ofisi e ne e itsege pele, ke motlhankedi wa maemo a a godimo.
Ke ena a nang le dithata go batlisisa, go atlenegisa kgato ya tshiamiso le go ntsha dipegelo.
Mongwe le mongwe a ka ngongorega kwa Mosireletsing wa Setšhaba, yo jaanong a tla batlisisang ngongorego. Akanya ka Mosireletsi wa Setšhaba jaaka moletsaphala yo o ka lebelelang kwa matlhakoreng otlhe a bothata. Fa Mosireletsi wa Setšhaba a fitlhelela tharabololo kwa bothateng, e e tsenyeletsang diphetogo kwa mokgweng.
Mosireletsi wa Setšhaba a ka begela gape morero kwa Palamenteng, e e ngangisanang ka morero le go bona gore dikatlenegiso di a latelwa.
Dipatlisiso ka gantsi di dirwa ntle le molao, fela Mosireletsi wa Setšhaba a ka bitsa batho go neela bopaki ka fa tlase ga maikano kana tumelelo fa seno e nna se se tlhokegang.
Mmuso kwa maemong afe kana afe. Seno se tsenyeletsa mmuso wa bogareng le wa porofensi, mafapha a naga le bothati jwa selegae.
Motho ofe kana ofe yo o dirang tiro ya setšhaba. Seno se tsenyeletsa mongwe le mongwe yo o dirang tiro efe kana efe ya semmuso e e amang botlhe, kana karolo ya seo, batho ba Aforika Borwa, go neela sekao mothapiwa wa naga, jaaka lepodisa kana motlhankedi yo o tlhophilweng.
Khansele ya molao, go neela sekao Khansele ya Botho ya Dipatlisiso tsa Disaense le Khansele ya Saense le Patlisiso ya Intaseteri.
Kgobelelo e e sa siamang e e bonweng ke mongongoregi kana motho yo mongwe, go neela sekao ka ntlha ya tiriso botlhaswa ya dithata, go sa siamang, go fetola kakanyo, makgwakgwa kana maitsholo a mangwe a a sa siamang, tiego e kgolo, ikgatholoso ya tshwanelo ya botho, lebaka lengwe le lengwe le le tlhageletseng, kana tshwetso e e tserweng ke bothati.
Tsamaiso e e sokameng.
Go tlhoka botshepegi kana go dira mo go sa siamang malebana le ditšhelete tsa setšhaba.
Go ikhumisa ka go sa siamang.
Kamogelo ya mosola o o sa siamang.
Fa go ka diragala gore ngongorego ya gago e nne ka kgobelelo, o tshwanetse go leka go rarabolola bothata ka bowena pele o ngongorega kwa Mosireletsing wa Setšhaba, go neela sekao, ka go bua le (ba)motlhankedi yo o amegang, kana fa seno se sa thuse ka go kwalela kwa mothong yo o ikarabelelang (ba)motlhankedi, go neela sekao, Tlhogo ya Lefapha.
O ntse o ka lebelela go ya lelokong la gago la Bosetšhaba kana Palamente ya Porofensi.
Ke fa fela o santse o palelwa ke go rarabolola bothata, o ka kwalelang kwa Mosireletsing wa Setšhaba - fekesa kana o pose kana isa lekwalo ka letsogo.
Tshedimosetso e e latelang e tshwanetse go tlhagelela mo lekwalong.
Boleng jwa ngongorego.
Lemorago le hisitori ya ngongorego.
Mabaka a gore go reng o ikutlwa gore ngongorego e tshwanetse go batlisisiswa ke Mosireletsi wa Setšhaba.
Dikgato tse di tserweng go rarabolola bothata ka bowena(fa go kgonega).
O tshwanetse go bua maina a motlhankedi yo o ntseng o dirana le ena, mo matlheng afe, le se se builweng.
Dikhophi tsa ditlhaeletsano dife kana dife magareng ga gago le batlhankedi di tshwanetse go tshwaraganngwa kwa lekwalong.
Nomoro ya mogala koo o ka fitlhelelwang, fa o na le yona.
Mo mabakeng mangwe Mosireletsi wa Setšhaba a ka tlhoka seteitemente ka fa tlase ga maikano pele go batlisisiwa.
Fa o sa tlhomamise gore a bothata jwa gago ke sengwe se Mosireletsi wa Setšhaba a ka se batlisisang, kana fa o sa kgone go kwala, o ka leletsa ofisi ya Mosireletsi wa Setšhaba mogala. Go na le maloko a badiri a diporofešenale tse di katisitsweng a a tla reetsang ngongorego, e kgolo kana e nnye, le go dira dipatlisiso.
Mo mabakeng mangwe badiri ba ka thusa batho go bona ditharabololo tse di bonako kwa bothateng jwa bona. Badiri le bona ba ka go bolelela gape gore o ngongorege kae fa Mosireletsi wa Setšhaba a sa kgone go thusa.
O ntse o ka etela gape ofisi go dira dipotsolotso kana puisano, fa o rata jalo. Go botoka go kwala pele le go kopa dipotsolotsano mo lekwalong.
Mosireletsi wa Setšhaba le badiri ba tla tshola leina la mongongoregi sephiri fa go tlhokega, mme fa kgonega jalo ka gotlhe.
Sepe. Ditirelo di mahala mme di teng go mongwe le mongwe yo o nang le bothata jaaka go tlhalositswe fa godimo.
Dikatlholo ka babueledi le bomagiseterata, go tsenyelediwa dikatlholo tse ba di atlhotseng. Ditiro tsa poraefete ka batho ka nosi, dikhamphani tsa poraefete, dingaka kana babueledi ba ba sa direleng naga.
Le gale, badiri ba Mosireletsi wa Setšhaba ba ka thusa ka go go bolelela kwa o ka yang go ngongorega teng kana gore o ka dira eng mo dikgetseng tse di fa godimo. Mo mabakeng mangwe Mosireletsi wa Setšhaba a ka go romela kwa kgotlatshekelo ya molao foo go ya kwa kgotlatshekelo e leng mokgwa o o botoka go mekamekana le bothata. Ka Mosireletsi wa Setšhaba a sa dire jaaka moemedi wa semolao wa ope, o tla romelwa kwa mmueleding fa morero o tshwanetse go ya kgotlatshekelo.
Ofisi ya Mosireletsi wa Bosetšhaba e mo Tshwane.
Le fa go le jalo go na le Batšhotšhisi ba Setšhaba ba diporofensi di le robonngwe nngwe le nngwe.
Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho e godisa tlotlo le tshireletso ya ditshwanelo tsa botho. Seabe sa yona ke go ruta batho ka ditshwanelo tsa botho le go batlisisa dingongorego ka ditshotlako tsa ditshwanelo tsa botho. E ka rulaganyetsa mongwe go nna le mmueledi go thusa go sireletsa ditshwanelo tsa bona mme e ka tsaya dikgetse ya di isa kwa kgotlatshekelo fa go tlhokega. HRC ke mokgatlho o o ikemetseng ka nosi mme o ikarabelela fela kwa Molaotheong. O tshwanetse go neela pegelo kwa Palamenteng gangwe ka ngwaga.
Mongwe le mongwe yo o batlang go dira ngongorega kwa go HRC o tshwanetse go tlatsa foromo e e bidiwang "Foromo ya Dingongorego ya SAHRC".
Khomišene e e tlhomilwe go godisa le go sireletsa ditshwanelo tsa ditso tse di farologaneng, bodumedi le baagi ba puo. E tshwanetse go godisa le go tsweletsa kagiso, itshokelano le kopano ya bosetšhaba magareng ga baagi ba, mo kelong ya tekano, go se kgetholole le kamano e e gololosegileng.
Go botlhokwa thata gore dikagego tsotlhe tsa mmuso, go tsenyeletsa Moporesidente di tshwanetse go tlhaloganya ka botlalo gore kgololosego ga e ka ke ya fitlhelelwa ntle le fa basadi ba golotswe go tswa mekgweng yotlhe ya kgatelelo'.
Moporesidente Nelson Mandela, fa a bula Palamente ya ntlha ya Aforika Borwa e e tlhophilweng ka temokerasi ka di 24 Motsheganong 1994.
Khomišene ya Tekano ya Bong ke nngwe ya ditheo tsa naga tse thataro tse di tshegetsang temokerasi e e gwetlhilweng mo Molaotheong wa 1996. Maikaelelo a khomišene, jaaka a tlhomilwe mo karolong 187 ya Molaotheo ke go godisa tekano ya bong le go eletsa le go dira dikatlenegiso kwa palamenteng kana kokoanopeomolao e nngwe malebana le melao mengwe le mengwe kana molao o o tshisintsweng o o amang tekano ya bong le maemo a basadi.
Moruni - Kakaretso o tlhola diakhaonto tsa mafapha otlhe a mmuso wa bosetšhaba le porofensi le mebuso yotlhe ya selegae go tlhomamisa gore madi a a arabelwa.
Dipuisano tse di isang kwa tumalanong ya sepolotiki di isitse, magareng ga tse dingwe, kwa tlhomamisong ya IEC go ya ka ditshiamelo tsa Molaotheo wa 1993.
Maikemisetso a Khomišene ke go " tiisa molaotheo wa temokerasi le go godisa ditirego tsa ditlhopho tsa temokerasi". Khomišene e na le taolelo ya go laola ditlhopho tsa bosetšhaba, porofensi le mmasepala mmogo le direferentamo.
Dithata tsa yona, ditiro le maikarabelo di tlamelelwa mo Karolong 5 ya Molao.
Mo go Karolo 19 ya Molaotheo go dirwa gape tshiamelo ya tshireletso ya ditshwanelo tsa sepolotiki, e e bopang tirokgolo ya taolelo ya khomišene.
Go na le mekgatlho e mengwe kwa ntle ga kgaolo ya ditheo tse robong e e tlhomilweng go tiisetsa temokerasi ya rona.
Khomišene e e tlhomilwe go tlhokomela dintlha tsotlhe tsa kgaso mo nageng e, go neela sekao, go tlhomamisa gore seyalemowa le dikgaso tsa thelebišene di siame le gore di emela dikgang tsa setšhaba sa Aforika Borwa.
Moporesidente Nelson Mandela o ne a tlhoma khomišene ya Bosetšhaba ya Baša ka di 16 Seetebosigo 1996 go ya ka Molao 19 wa 1996 wa Khomišene ya Bosetšhaba ya Baša. E ne ya tlhomiwa go tsweletsa leano le le kopana go lebelela dikgwetlho tse di lebaneng batho ba ba baša mo Aforika Borwa.
Pono ya ICD ke SAPS e e fetotsweng e e tsamaelanang le mowa le maikemisetso a Molaotheo. Maikemisetso a teng ke go godisa maitsholo a a siameng a sepodisi. Maikemisetso a teng ke go tsweletsa botshepegi jwa setšhaba mo maitekong a SAPS le ICD go thibela maitsholo a sepodisi se se seng maleba, mmogo le go tsamaisa botšhotšhisi jwa bosenyi jwa maloko ao a fitlhelwang a amega mo maitsholong a bosenyi.
Kgotlatshekelo e e ne ya tlhomiwa go ya ka Molaotheo wa 1996. Tiro ya kgotlatshekelo ke go tsholetsa molao le Molaotheo, o ba tshwanetseng go o dirisa ba sa tseye letlhakore le ntle ga bogale, molemo kana kgobelelo.
Karolo 25 le ya Molao ya gore motho ofe kana ofe kana baagi ba ba latlhegetsweng ke lefatshe la bona morago ga 1913 ka ntlha ya molao o o kgethololang o tshwanelwa ke go tleleima lefatshe la gagwe gape kana go duelelwa lefatshe. Karolo 25 e dira tetla mo mmusong go fetisa molao go mekamekana le ditleleimi tse. Mmuso o fetisitse Molao wa Ditshwanelo tsa Poelo ya Lefatshe le go ya ka ona Khomišene ya Ditleleimi tsa Lefatshe le Kgotlatshekelo di ne tsa tlhomiwa go lebelela ditleleimi tsa lefatshe la batho.
Ditiro tsa Khomišene ya Ditleleimi tsa Lefatshe ke go batlisisa ditleleimi tsa lefatshe, go tsereganya le go siamisa ditleleimi tse le go romela ditleleimi kwa Kgotlatshekelo ya Ditleleimi tsa Lefatshe fa e sa kgone go di siamisa. Khomišene ya Tleleimi ya Lefatshe e na le makgolo a ditleleimi tse di mo tiregong ya go batlisisa.
Kgotlatshekelo ya Ditleleimi tsa Lefatshe e tla tsaya tshwetso mo ditleleiming tse di ka se rarabololweng ke Komišenara. Kgotlatshekelo e ka laolela batho go bona lefatshe la bona gape, kana go neela motho yo o tleleimang lefatshe thefosano ya lefatshe la naga, kana go duela motho yo o tleleimang tuelelo ya lefatshe ya go latlhegelwa ke lefatshe la bona.
Motho yo o belegweng mo Aforika Borwa ke moagi wa Aforika Borwa mme seno a ka se se tseelwe. Go ya ka karolo 21 ya molaotheo, Mongwe le mongwe o na le tshwanelo kwa kgololosegong ya motsamao, tshwanelo go tlogela Rephaboleki, tshwanelo go tsena, go sala ka fa gare le go nna gongwe le gongwe mo Rephaboleki le tshwanelo kwa lokwalong lwa mosepele'.
Dikgato tse di lesome tse di latelang di tla go thusa go thala thulaganyo ya khampheini go dikologa ditshwanelo tsa morero mo baaging ba gago. Dirisa dikgato go ithusa ka khampheini e e leng ya gago.
Boleng jwa bothata ke bofe?
Bo ama mang?
Ke ditsela dife tsa go bo rarabolola?
Ke kgapeletso/maparego afe a a mo tseleng?
Ke metswedi efe e e leng teng (tsa ditšhelete le batho)?
TLHOPHA MAIKEMISETSO A GAGO A A TOBETSENG a khampeine (o se ka wa nna le go feta maikemisetso a le 4). Ka mafoko a mangwe, o ya go dira eng jaaka karolo ya khampheine ya gago. Tsaya tshwetso ka sekgala sa nako ya khampheine yotlhe.
TSAYA MAIKEMISETSO A LE MANGWE MME O AKANYE dikgato tsa tiragatso tse di tlhokegang go fitlhelela maikemisetso. A kwale fatshe mo pampiring ya kgatiso. (Ka ntlha ya fa e le dikakanyo dikakanyo tsa tiragatso di ka se nne ka tatelano e e rileng).
TSAMAYA (SEKASEKA) DIKAKANYO GO TSWA GO KGATO 3 mme o tlhophe tseo di tshwanelwang ke go ka atlega. Kwala kgato nngwe le nngwe ya tiragatso e e tlhophilweng mo karateng kana selepi sa pampiri ya 5 sentimetara x 8 sentimetara. (Tsona di bidiwa dikarata tsa tiragatso).
BOELETSA KGATO 3 LE 4 KA MAIKEMISETSO A MANGWE a o a lemogileng mo go kgato 2.
TSAYA LETLHARE LA PAMPIRI KGATISO mme o kwale setlhogo sa khampheine ya gago le sekgala sa nako kwa godimo. Thala mola fa tlase ga se. Kwala maikemisetso a ntlha a khampheine fa tlase ga mola o. Thala mola o mongwe fa tlase ga se o be o kwala maikemisetso a bobedi. Tswelela ka se go fitlha o kwadile maikemisetso otlhe.
KGOMARETSA DIKARATA TSA TIRAGATSO GO TSWA GO KGATO 4 ka tatelanong e e nepagetseng go bapa le maikemisetso a a maleba. Simolola ka kgato e e bonolo kana e e potlakileng thata go e tsaya. Bua ka dikarata tsa tiragatso o di rulaganye gape fa go tlhokega. Oketsa dikgato tse dintsha dife kana dife tse di tlhagisitsweng.
BUA KA KARATA NNGWE LE NNGWE YA TIRAGATSO - go tla tsaya nako e kana kang, ke mangy o o tla tsayang maikarabelo a kgato le gore ka ditshenyegelo tsa bokae, fa go na le dingwe tse di tla amegang. Kwala nako, motho yo o tla ikarabelelang go tsaya tiragatso le ditshenyegelo mo go nngwe le nngwe ya dikarata tsa tiragatso.
LEBELELA KWA SEKGALENG SA NAKO SA KHAMPHEINE YOTLHE - Kwala dikgwedi go bapa le bogodimo jwa tsebe.
Fa o santse o tshotse dikarata tsa ditiragatso mo tatelanong e e tshwanang. Jaanong rulaganya dikarata ka fa tlase ga dikgwedi tse di maleba.
Khouto ya ditheo tsa boitshwaro le Maitsholo a Kgwebo a Lefapha la Bosiamisi le Tsweletso ya Molaotheo.
Tekano : O ka se kgethololwe kgatlhanong. Fela kgato ya go nna molemo go batho ba ba rileng e a letliwa.
Seriti sa botho: Seriti sa gago se tshwanetse go tlotliwa le go sirelediwa.
Botshelo: O na le tshwanelo kwa botshelong.
Kgololosego le tshireletsego ya motho: O ka se tswalelwe ntle le tshekiso, go bogisiwa kana go otlhaiwa ka bosetlhogo. Dintwa tsa selegae ga di a dumelelwa.
Bosephiri: O ka se phuruphutsiwe kana go nta legae la gago kana dithoto di phuruphutsiwa.
Kgololosego ya sedumedi, tumelo le mogopolo: O ka dumela le go akanya sengwe le sengwe se o se ratang mme o ka latela sedumedi sa boitlhophelo jwa gago.
Kgololosego ya go itlhalosa : Batho botlhe (go tsenyeletsa boradikuranta) ba na bua sengwe le sengwe se ba se ratang.
Kokoano, ditshupetso, ipelaetso le phethišene: O ka nna wa dira tshupetso, ipelaetso le go tlhagisa phethišene. Fela o tshwanetse go dira se ka kagiso.
Kgololosego ya botsalano: O ka tsalana le mang le mang yo o ratang go tsalana nae.
Ditshwanelo tsa sepolotiki: O ka tshegetsa mokgatlho wa sepolotiki wa boitlhophelo jwa gago. Fa o le moagi, mme o le bogolo dingwaga di le 18, o ka bouta.
Boagi: Boagi jwa gago ga o ka ke wa bo tseelwa.
Kgololosego ya motsamao le bonno: O ka tsamaya le go ya go nna gongwe le gongwe mo Aforika Borwa.
Kgololosego ya kgwebo, tiro le porofešene: O ka dira sengwe le sengwe se o se ratang.
Dikamano tsa bodiri: O ka tsenela mekgatlho ya badiri le go ngala ditiro.
Tikologo: O na le tshwanelo ya tikologo e e itekanetseng.
Thoto: Thoto ya gago e ka tsewa mo go wena fa fela go latelwa melao e e siameng.
Bonno: Mmuso o tshwanetse go tlhomamisa gore batho ba bona phitlhelelo kwa bonnong.
Tlhokomelo ya boitekanelo, dijo, metsi le tshireletso ya loago: Mmuso o tshwanetse go tlhomamisa fa o na le phtlhelelo kwa dijong le metsi, tlhokomelo ya boitekanelo le tshireletsego ya loago.
Bana: Bana ka fa tlase ga bogolo jwa 18 ba na le ditshwanelo tse di kgethegileng, jaaka tshwanelo ya go se sotlakiwe.
Thuto: O na le tshwanelo kwa thutong ya motheo, go tsenyelediwa thuto ya motheo ya bagolo, mo puong ya gago (fa seno se kgonega).
Puo le setso: O ka dirisa puo e o e ratang go latela setso se o se itlhophelang.
Setso, sedumedi le baagi ba dipuo: Baagi ba ka itumelela setso sa bona, ba diragatsa sedumedi sa bona le go dirisa puo e e leng ya bona.
Phitlhelelo kwa tshedimosetsong: O na le tshwanelo kwa tshedimosetsong efe kana efe, e mmuso o nang le yona.
Kgato e e siameng ya tsamaiso: Dikgato tsa mmuso di tshwanetse go nna tse di siameng.
Phitlhelelo kwa dikgotlatshekelo: O ka nna le bothata jwa semolao bo bo sweditsweng ke kgotlatshekelo, kana maemo a a tshwanang.
Batho ba ba tshwerweng, ba ba tswaletsweng le ba ba latofadiwang: Tshwanelo e e sireletsa batho ba ba tshwerweng, ba ba golegilweng kana ba latofaditswe.
Ditshwanelo tsotlhe tse di ka lekanyediwa fa kelo e e beilweng mo molawaneng(s36) wa tekanyetso e fitlhelelwa.
<fn>tsn_Article_National Language Services_KHOLETèHE YA BOSIAMISI 2 (2005).txt</fn>
Lekwalo leno ga le a rulaganngwa ka maitlhomo a gore e nne lekwalo le le feletseng le le le laolang, mme tota maitlhomo e ne e le gore e nne kaedi ya ba ba dirang ka manyalo le tatelano.
Ka ntlha ya melao ya paka ya tlhaolele, manyalo mangwe a MaAforika Borwa a tshimologo a ne a sa lemogwe gongwe a nyelediwa ka boitiriso ka ntlha ya mabaka mangwe. Melao e mentšhwa e e tlhalosiwang mo lekwalong leno e tlisitse diphetogo tse di boitshegang mo ditlwaelong, fela jaaka go tla lemogwa mo.
Fela jalo le mokgwa o go neng go tsamaisiwa dithoto tsa Bantsho ba ba neng ba tlhokafala ba sa dira lekwalo la kabo ya boswa (will) ka gona, o ne o se ka fa molaotheong mme molao o ne wa pateletsa Lefapha la Bosiamisi go fetola melao ya lona go e lepalepanya le Molaotheo.
Go ka fitlhelwa gore molao o montšhwa o o tlhalosiwang mo lekwalong leno ga o a ikamanya le meetlo ya batho ba tshimologo ba Aforika Borwa, fela seno ga se maitlhomo a tlhaloso eno. O ka atlhola mo ntlheng eo.
Pele ga go samaganwa le tlhaloso e e tseneletseng ya Molao wa Temogo ya Manyalo a Setso (yo o bidiwang fano gotwe "Molao") go botlhokwa gore go tlamelwe ka tlhaloso ka boripana malebana le seemo sa semolao malebana le manyalo a selegae le "dikgolagano tsa setso" tse di konoseditsweng pele ga 15 Ngwanatsele 2000, (go tewa letlha le Molao o simolotseng go dira ka lona).
Go ya ka karolo ya 22 e e phimotsweng ya Molao wa Tsamaiso ya Bantsho, manyalo a selegae a bantsho a ne a dirwa go nna a e seng a tlhakanelo ya dithoto go sa akarediwe lotseno le tatlhegelo le ka gore monna o ne a nna le dithata tsa lenyalo (lebelela Ex parte Minister of Native Affairs: Mo re Molefe v Molefe 1946 AD 315 le Bopape v Moloto 2000 1 SA 383 T). Gore go tsenngwe tlhakanelo ya dithoto le lotseno le tatlhegelo fa go ne go sa dirwa le go kwadisiwa konteraka e e reng dithoto ga di tlhakanelwe, bantsho ba ne ba patelesega go tlhomamisa seno fa pele ga motlhankedi yo o nyadisang, kgwedi pele ga ba keteka lenyalo.
Le gale, tlhakanelo eno ya dithoto, jalo le jalo, e ne e kgonagala fa fela monna a ne a se na "kgolagano epe ya setso" le molekane wa lenyalo yo mongwe kwa ntle ga mosadi yo a neng a ikaelela go mo nyala.
Ka 1 Ngwanatsele 1984, Molao wa Dithoto tsa Lenyalo wa bo88 wa 1984 o ne wa tsenngwa mo tirisong mme gareng ga tse dingwe, o ne o phimola dithata tsa lenyalo tse monna a neng a na le tsona mo mosading mo lenyalong la selegae, gongwe go ya ka molao wa boagisanyi. Bokao jwa seno e ne e le gore, go tloga ka la 1 Ngwanaatsele 1984, dithata tsa lenyalo tse monna a neng a na natso mo mosading wa gagwe go ya ka lenyalo le le diragetseng go ya ka karolo 22 e e fedisitsweng di fedisitswe go ya kwa morago.
Ka ntlha ya fa go ne go sa tsewe gore balekane ba lenyalo ba ba mo "kgolaganong" ya setso ba nyalane semolao, mongwe wa balekane o ne a ka kgona gore ka nako nngwe le nngwe fela mo tsamaong ya lenyalo la mofuta oo, a tsene mo kgolaganong ya lenyalo la boammaaruri la selegae le motho yo mongwe. Bokao jwa lenyalo leo la selegae mo "kgolaganong ya setso" e ne e le gore kgolagano eo e ne e tlhatlhamologa ka boitiriso lebelela Nkambula v Linda 1951 1 SA 377 A le Malaza v Mndaweni 1975 BAC C 45. Mosadi yo o mo kgolaganong e e jalo ya setso o ne a itsege jaaka "molekane wa lenayalo yo o latlhilweng". Mosadi yo o mo kgolaganong eo ya setso le ene o ne a ka kgona go tsena mo nyalong ya selegae le motho yo mongwe mme fela jalo kgolagano e e neng e ntse e le gona e ne e tlhatlhamologa ka boitiriso. Gore a "dikgolagano" tseno di tla tsosolosiwa ke Molao wa Temogo ya Manyalo a Setso wa bo 120 wa 1998 karolo 2, seo ke tshwetso e e tla tsewang ke dikgotlatshekelo.
Le gale, karolo ya 22 ya Molao wa Tsamaiso ya Bantsho, wa bo38 wa 1927, e ne e tlamela ka mokgwa mongwe wa tshireletso ya lelapa le le latlhilweng fa monna a tlhokafala. Mo mabakeng a tatelano, maemo a motlholagadi le bana ba ba mo lenyalong la selegae a ne a tsewa a lekalekana fela le a beng ka bona ba molao wa setso. Seno se tlhalosa gore maemo a go ratwa a a neng a newa mosadi yo o nyetsweng le bana ba gagwe go ya ka molao wa selegae, a a nyelela mme ba bewa mo maemo a a lekanang le mosadi (gongwe basadi) ba ba neng ba latlhilwe mmogo le bana ba bona.
Go ya ka Molao o o Tlhabolotsweng wa Lenyalo le Dithoto tsa Lenyalo, Molao wa bo3 wa 1988, o o simolotseng go dira ka 2 Sedimonthole 1988, Molao wa Tsamaiso ya Bantsho wa 1927 o tlhabolotswe.
Bokao jwa seno e ne e le gore manyalo otlhe mo Aforika Borwa a ne a bewa mo seemong se se lekalekanang mme Molao wa Dithoto tsa Lenyalo wa bo88 wa 1984 o ne wa simolola go dira mo manyalong a bantsho a a diragetseng morago ga 2 Sedimonthole 1988. Ka jalo, manyalo a a diragetseng morago ga 2 Sedimonthole 1988 a ne a nna a tlhakanelo ya dithoto ka boitiriso ntle le fa fela go ne go saenilwe konteraka ya go se tlhakanele dithoto mme e kwadisiwa mo sebakeng sa dikgwedi di le tharo mo mo bokwadisetsong jwa dikano.
Sengwe gape sa botlhokwa se se tlhamilweng e nnile gore "kgolagano ya setso" ga e sa tlhole e tlhatlhamololwa ka boitiriso ke lenyalo la molao wa selegae. Karolo 22 1 e ne e thibela monna yo o mo lenyalong la setso go ka tsena mo lenyalong la molao wa selegae le mosadi yo mongwe mo tsamaong ya lenyalo leo la setso lebelela Thembisile v Thembisile 2002 2 SA 209 T le Kwitshane v Magalela 1999 4 SA 610 TK.
Ka go tlhoka Lesego go ne go se na katlholo epe e e rebotsweng malebana le mo mabakeng a mo go ona lenyalo leo la molao wa selegae le diragalang morago ga lenyalo la setso. Le gale, go tsewa gore lenyalo leo la molao wa selegae le ka phimolega.
Karolo 3 ya Molao wa Temogo ya Manyalo a Setso wa bo120 wa 1998, e kganela molekane wa lenyalo yo e leng karolo ya lenyalo la setso go tsena mo nyalong ya molao wa selegae go ya ka Molao wa Lenyalo wa bo25 wa 1961. Ke tlamelo e e tshwanang le e e tlhalositsweng mo temaneng ya 2.3.2 supra, fela ga gona katlholo e e rebotsweng malebana le fa ditlamelo tsa Molao di tlodilwe.
Molao wa Lenyalo wa Transkei wa 1978, wa bo21 wa 1978 o ne o letlelela monna yo o mo lenyalong le le tsweletseng la molao wa selegae go tsena mo manyalong a mangwe a setso, fa fela e le gore lenyalo la molao wa selegae le ne le se na tlhakanelo ya dithoto. Fela jalo, monna yo o mo kgolaganong ya setso, o ne a ka kgona gore mo tsamaong ya kgolagano eo ya setso, a tsene mo konterakeng ya lenyalo la molao wa selegae le motho yo mongwe, fa fela e le gore lenyalo la molao wa selegae le ne le sena tlhakanelo ya dithoto.
Molao ono o simolotse go dira ka 15 Ngwanatsele 2000 mme wa lere kgato e e bogatlhamelamasisi ya go lemoga manyalo otlhe a setso a e leng a boammaaruri. Molao o dirisiwa go simolola kwa morago mme jaanong go tla samaganwa nao karolo ka karolo.
Molao ono o dirisiwa mo manyalong otlhe a setso a a diragaditsweng go ya ka molao wa setso, go tewa, meetlo le setso se se dirisiwang ke maAforika a tlholego mo Aforika Borwa mme e le karolo ya setso sa batho bao.
Ka jalo, go a bonala gore Molao ono ke Molao o o sa lebeng mmala, mme o dirisediwa fela batho ba tlholego ba Aforika Borwa, fa fela e le gore lenyalo le ketekwa gongwe le ketekilwe go ya ka meetlo le setso sa MaAforika a tlholego.
Manyalo a batho ba le babedi le Manyalo a Lefufa (basadi ba ba fetang bongwe) a a nnileng gona pele ga 15 Ngwanatsele 2000.
Manyalo a a nnileng pele ga 15 Ngwanatsele 2000 a a lemogwa fela fa e le a boammaaruri go ya ka molao wa setso mme a sa ntse a le gona ka nako ya fa Molao o simolola go dira. Ditlhokego tse di tshwanetseng go fitlhelelwa ke manyalo ano ke tse di thadisitsweng ke molao o o sa rulaganngwang wa setso o o dirang kwa ntle ga KwaZulu-Natal le molao o o rulagantsweng wa setso o o dirang kwa KwaZulu-Natal.
Manyalo a a nileng morago ga 15 Ngwanatsele a tshwanetse go obamela ditlhokego tsa Molao. Ditlhokego tse di nang le tlamelo mo Molaong ke ditaelo mme go tlhoka go di obamela go ka nna le ditlamorago tsa gore lenyalo le tlhatlhamololwe.
Balekane ba ba ikaelelang go tsena mo nyalong ka bobedi ba tshwanetse go bo ba le bogolo jwa dingwaga di le 18 gongwe ba tsewa jaaka bagolo.
Balekane ba ba ikaelelang go tsena mo nyalong ka bobedi ba tshwanetse go dumela go nyalana go ya ka molao wa setso.
Ga go a tshwanela gore ope wa balekane ba lenyalo a bo a na le kgolagano epe e nngwe ya lenyalo la setso.
Lenyalo le tshwanetse go buisanelwa le go diragadiwa gongwe go ketekwa go ya ka molao wa setso.
Gore lenyalo la lefufa (la basadi ba ba fetang bongwe) le nne la boammaaruri, mo godimo ga ditlhokego tse di kailweng fa godimo, go tshwanetse ga nna le konteraka go ya jaaka go na le tlamelo mo karolo ya 7 (go na le tlhaloso e e feletseng ka ga seno, leba temana ya 5.2.2).
Karolo 4 ya Molao e rwesa balekane ba lenyalo maikarabelo a go kwadisa lenyalo, fela go retelewa ke go kwadisa lenyalo ga go ame go nna boammaaruri ga lenyalo la go nna jalo.
Kwadiso e dirwa ke motlhankedi yo o kwadisang (Lefapha la Merero ya Selegae), fa fela e le gore go tlametswe ka tshedimosetso e e maleba mme go duetswe tefo. Mongwe le mongwe fela, e seng fela balekane ba lenyalo, a ka dira kopo ya go kwadisa lenyalo, fa fela e le gore a ka bontsha kgatlhego e e lekaneng mo morerong oo.
Ditlhokego tsa go kwadisa lenyalo mmogo le dikwalo tse di tshwanetseng go tladiwa le bosupi jo bo tshwanetseng go neelwa motlhankedi yo o kwadisang di mo melawaneng ya Molao mme di ka seke tsa tlhalosiwa ka botlalo mo lekwalong leno.
Karolo 4 ya Molao e dira tlamelo ya gore fa go dirwa kopo go latelwe kgotlatshekelo malebana le go kwadisa lenyalo la setso. Karolwana eno e ka gogelwa morago mo mabakeng a mo go ona go nang le kgotlhang malebana le boammaaruri jwa lenyalo mme e seng mo mabakeng a mo go ona motlhankedi yo o kwadisang a se nang boammaaruri jwa meetlo le tiriso e e maleba.
Pele ga go tlhomiwa ga Molao, mosadi yo o mo lenyalong la setso o ne a tsewa jaaka ngwana go ya bosakhutleng mme monna a tsewa jaaka motsamaisi wa boswa. Jaanong Karolo 6 e tlametse banyalani mmogo ka dithata tse di lekalekanang, go ya fela ka mmuso wa dithoto tsa lenyalo o o busang lenyalo.
Ditlamorago tsa dithoto tsa lenyalo le le jalo di sala go nna di laolwa ke molao wa setso, go ya ka ditlamelo tsa karolo ya 6, e e tlhalositsweng supra. Ditlamorago tseo gantsi di tlhalosega botoka jaaka tlhakanelo ya dithoto ntle le tsamaiso ya go kgobokanya mmogo.
Le gale, karolo 7 ya Molao, e dira tlamelo ya gore balekane ba lenyalo le le nnileng pele ga Molao o simolola go dira, ba ka dira kopo mmogo kwa kgotlatshekelo go fetola tsamaiso ya dithoto tsa bona tsa lenyalo, fa fela e le gore go na le mabaka a a lekaneng a go dira phetogo, go dirilwe kitsiso e e lekaneng go batseisamolato mme e bile go se ope yo o tla gobelelwang ke phetogo eo. Kgotlatshekelo e tla laolela maphata ka bobedi go nna le konteraka mme morago ga moo lenyalo le tla laolwa ke konteraka eo.
Fa go sena ope wa balekane ba lenyalo yo o nang le kgolagano epe ya lenyalo le lengwe la setso, lenyalo e nna la tlhakanelo ya dithoto, ntle le fa banyalani ba ka nna le Konteraka ya go se Tlhakanele Dithoto mme ba dira gore konteraka eo e kwadisiwe kwa mokwadising wa dikano. Mo ntlheng e ya bofelo, ditlamorago tsa dithoto tsa lenyalo di tla laolwa ke konteraka.
go fedisa tsamaiso ya dithoto tsa lenyalo le le ntseng le le gona; le go aroganya boswa le go netefatsa gore go nna le phasalatso e e lekalekanang ya dithoto.
Kgotlatshekelo e tla ganela kopo e e jalo fa e le gore e gopola gore konteraka ga e a sireletsa mongwe wa maphata a a amegang mo go lekaneng.
Go ya ka mogopolo wa fa gautshwane wa Bagakolodi ba Molao o o bonweng ke Lefapha la Merero ya Selegae, tshwetso ya konteraka ke taelo mme go e ikgatolosa go ka baka go nyelediwa ga lenyalo.
Karolo 8 e lerile gape phetogo mo seemong sa pele, moo e leng gore lenyalo la setso le ne le ka tlhatlhamololwa fela kwa ntle ga taelo ya kgotlatshekelo.
Manyalo otlhe a setso, a ka ne a kwadisitswe gongwe a sa kwadisiwa, a tshwanetse go nyelediwa ke kgotlatshekelo, (Kgotlatshekelokgolo, Kgotlatshekelo ya Malapa gongwe Kgotlatshekelo ya Tlhalo go ya ka Molao wa bo9 wa 1929). Ditlamelo tsa Molao wa Tlhalo wa bo24 wa 1987 di dira mo manyalong a setso mme lenyalo le le jalo le ka tlhatlhamololwa fela ka ntlha ya mabaka a kgotlhang e e ka sekeng ya rarabololwa mo lenyalong.
Go busiwa ga tuelo ya "bogadi" ke ntlha e e bakang dikganetsano ga jaana mme motshodi wa bona o tshwanetse go nna karolo ya ditsamaiso fa go ka tlhokega gore go busiwe "bogadi".
Karolo 10 e letlelela maphata a a mo lenyalong la setso la batho ba le babedi fela go dira lenyalo la bona go ya ka Molao wa Lenyalo wa bo25 wa 1961.
Le gale, Molao ga o letlelele gore motho yo o leng mo lenyalong la molao wa selegae a tsene mo lenyalong la setso le monyalani yo o jalo lebelela karolo 104.
Go dira tlamelo ya temogo ya manyalo a setso; go totobatsa ditlhokego tsa lenyalo la boammaaruri la setso; go laola kwadiso ya manyalo a setso; go dira tlamelo ya maemo a a lekanang a balekane ba lenyalo ba ba mo manyalong a setso; go laola ditlamorago tsa dithoto tsa manyalo a setso le maemo a balekane ba lenyalo ba ba mo manyalong a a jalo; go laola go nyelediwa ga manyalo a setso; go dira tlamelo ya go dirwa ga melawana; go fedisa ditlamelo dingwe tsa melao mengwe; le go dira tlamelo ya merero e e amanang le tseno.
Lenyalo le e leng la boammaaruri ka molao wa setso mme le le gona ka nako ya go simolola go dira ga Molao ono, le lemogwa mo mabakeng otlhe jaaka lenyalo.
Lenyalo la setso le le nnileng morago ga go simolola go dira ga Molao ono, mme le obamela ditlhokego tsa Molao ono, le lemogwa mo mabakeng otlhe jaaka lenyalo.
Fa motho e le molekane wa lenyalo mo manyalong a a fetang bongwe a setso, manyalo otlhe a boammaaruri a setso a a nnileng gona pele ga Molao ono o simolola go dira a lemogwa mo mabakeng otlhe jaaka manyalo.
Fa motho e le molekane wa lenyalo mo manyalong a a fetang bongwe a setso, manyalo otlhe a a nnileng gona pele ga Molao ono o simolola go dira, mme a obamela ditlamelo tsa Molao ono, a lemogwa mo mabakeng otlhe jaaka manyalo.
i ba tshwanetse gore botlhe ba bo ba na le dingwaga tse 18; mme ii ba tshwanetse gore botlhe ba dumele go nyalana mo molaong wa setso; mme b go tshwanetse ga buisanelwa lenyalo mme le dirwe gongwe le ketekwe go ya ka molao wa setso.
Ntle le jaaka fa go dirilwe tlamelo mo karolo 10 1, ga gona molekane ope wa lenyalo yo o mo lenyalong la setso yo o tla nnang le tshiamelo ya go tsena mo lenyalong ka fa tlase ga Molao wa Lenyalo wa 1961 Molao wa bo25 wa 1961, mo tsamaong ya lenyalo leo la setso.
a Fa mongwe wa balekane ba ba batlang go nyalana e sa le ngwana, batsadi ba gagwe ka bobedi, gongwe fa a sena batsadi, motlhokomedi wa gagwe wa semolao, o tshwanetse go rebola tumelelo ya lenyalo.
b Fa go sa kgone go fitlhelelwa tumelelo ya motsadi gongwe motlhokomedi wa semolao, go dirisiwa karolo 25 ya Molao wa Lenyalo wa 1961.
a Le fa go ntse go na le karolwana 1 a i, Tona gongwe motlhankedi mongwe fela mo tirelong ya setšhaba yo o nang le taolelo ya gagwe e e kwadilweng, a ka rebolela motho yo o nang le dingwaga tse di ka fa tlase ga 18 tetla ya go tsena mo lenyalong la setso fa Tona gongwe motlhankedi yo o kailweng a bona lenyalo leo le amogelesega mme le le mo dikgatlhegong tsa maphata a a amegang.
b Tetla eo e tla bo e sa golole maphata ao a lenyalo le le tshitshinngwang mo maikarabelong a go obamela ditlhokego tse dingwe tse di laotsweng ke molao.
c Fa motho yo o nang le dingwaga tse di ka fa tlase ga 18 a tsene mo lenyalong la setso kwa ntle ga tetla e e kwadilweng ya Tona gongwe motlhankedi yo o maleba, Tona gongwe motlhankedi, fa a bona e le gore lenyalo leo le a amogelesega mme e bile le mo dikgatlhegong tsa maphata a a amegang, mme lenyalo le ikamantse le Molao ono mo dintlheng tse dingwe tsotlhe, a ka tlhomamisa ka go kwala gore lenyalo leo ke lenyalo la boamaaruri la setso.
Go ntse go lebeletswe karolwana 4, karolo 24A ya Molao wa Lenyalo wa 1961, e dira mo lenyalong la setso la ngwana le le nnileng kwa ntle ga tumelelo ya motsadi, motlhokomedi, mokomišinara wa katlaatleloloago wa bana gongwe moatlhodi, fela jaaka go tla bo go le maleba.
Go thibelwa ga lenyalo la setso magareng ga batho ka ntlha ya go amana ka madi gongwe botsalano go laolwa ke molao wa setso.
Balekane ba lenyalo ba ba mo lenyalong la setso ba na le maikarabelo a go netefatsa gore lenyalo la bona le kwadisitswe.
Mongwe fela wa balekane ba lenyalo a ka dira kopo go motlhankedi yo o kwadisang mo foromong e e rebotsweng go kwadisa lenyalo la gagwe la setso mme o tshwanetse go tlamela motlhankedi yo o kwadisang ka tshedimosetso e e tlhokegang le tshedimosetso nngwe fela ya tlaleletso e motlhankedi yo o kwadisang a ka e tlhokang go ikgotsofatsa ka ga go nna teng ga lenyalo.
a le le nnileng gona pele ga Molao ono o simolola go dira, mme le sa kwadisiwa go ya ka molao mongwe fela, le tshwanetse go kwadisiwa mo sebakeng sa dikgwedi tse 12 morago ga go simolola go dira goo, gongwe mo pakeng nngwe e e telejana go ya fela jaaka Tona a ka rebola nako le nako ka kitsiso mo Kaseteng; gongwe b le le nnileng gona morago ga Molao ono o sena go simolola go dira, le tshwanetse go kwadisiwa mo sebakeng sa dikgwedi di le tharo morago ga lenyalo leo gongwe mo pakeng nngwe e e telejana go ya fela jaaka Tona a ka rebola nako le nako ka kitsiso mo Kaseteng.
a Fa motlhankedi yo o kwadisang a kgotsofetse gore banyalani ba tsene mo lenyalong la boammaaruri la setso, o tshwanetse go kwadisa lenyalo ka go kwala boitshupo jwa banyalani, letlha la lenyalo, bogadi bope fela jo go dumelanweng ka jona le dintlha dingwe fela tse di rebotsweng.
b Motlhankedi yo o kwadisang o tshwanetse go neela banyalani setifikeiti sa kwadiso, se se nang le dintlha tse di rebotsweng.
a Fa ka ntlha ya lebaka lengwe fela, lenyalo la setso le sa kwadisiwa, motho mongwe fela yo o kgotsofatsang motlhankedi yo o kwadisang gore o na le kgatlhego e e lekaneng mo morerong oo a ka dira kopo kwa motlhankeding yo o kwadisang ka tsela e e rebotsweng go botsisa ka go nna teng ga lenyalo.
b Fa motlhankedi yo o kwadisang a kgotsofetse gore go na le, gongwe go kile ga nna le lenyalo la boammaaruri la setso magareng ga banyalani, o tshwanetse go kwadisa lenyalo mme a rebole setifikeiti sa kwadiso jaaka go kailwe mo karolwaneng ya 4.
Fa motlhankedi yo o kwadisang a sa kgotsofala gore go ne go na le lenyalo la boammaaruri la setso magareng ga balekane ba lenyalo, o tshwanetse go gana go kwadisa lenyalo.
a kwadiso ya lenyalo la setso; gongwe b go phimolwa gongwe go baakanngwa ga kwadiso nngwe fela ya lenyalo la setso e e dirilweng ke motlhankedi yo o kwadisang.
Setifikeiti sa kwadiso ya lenyalo la setso se se rebotsweng ka fa tlase ga karolo eno gongwe molao mongwe fela o o nang le tlamelo ya kwadiso ya manyalo a setso ke bosupi jwa ntlha jo bo lekaneng jwa go nna gona ga lenyalo la setso le jwa dintlha tse di fitlhelwang mo setifikeiting.
Go retelelwa ke go kwadisa lenyalo la setso ga go ame go nna boammaaruri ga lenyalo leo.
Malebana le motho yo go tweng ke ngwana, motlhankedi yo o kwadisang a ka amogela setifikeiti sa botsalo, lekwaloitshupo, polelo e e ikanetsweng ya motsadi gongwe mongwe wa losika la ngwana gongwe bosupi bongwe fela jo motlhakedi yo o kwadisang a ka bo tsayang bo le maleba go netefatsa bogolo jwa motho yoo.
Fa go sena bonnete jwa bogolo jwa motho yo go tweng ke ngwana gongwe go na le kganetsano, mme bogolo jwa motho yoo bo le maleba mo mabakeng a Molao ono, motlhankedi yo o kwadisang a ka latela tsela e e rebotsweng go isa morero kwa kgotlatshekelong ya magiseterata go ya ka Molao wa Kgotlatshekelo ya Bomagiseterata, wa 1944 Molao wa bo32 wa 1944, mme yona e tshwanetse go swetsa ka bogolo jwa motho mme e rebole setifikeiti se se rebotsweng malebana le seo, mme seo e nne bosupi jwa bogolo jwa motho.
Mosadi yo o mo lenyalong la setso, ka ntlha ya tekatekano le monna wa gagwe le go ya ka tsamaiso ya dithoto tsa lenyalo e e laolang lenyalo, o na le maemo a a tletseng le bokgoni, go akarediwa bokgoni jwa go iponela dithoto le go di tsamaisa, go tsena mo dikonterakeng le go tsaya dikgato tsa semolao, go tlaleletsa mo ditshwanelong le dithata dingwe fela tse a ka neng a na natso mo molaong wa setso.
Ditlamorago tsa dithoto tsa lenyalo la setso le le nnileng pele ga Molao ono o simolola go dira di tswelela go laolwa ke molao wa setso.
Lenyalo la setso le le nnileng gona morago ga Molao ono o sena go simolola go dira, leo mo go lona molekane wa lenyalo e seng karolo ya lenyalo lepe le le ntseng le le gona la setso, ke lenyalo la tlhakanelo ya dithoto le lotseno le tatlhegelo magareng ga banyalani, ntle le fa ditlamorago tseo di tlogetswe ntle ka totobalo ke banyalani mo konterakeng e e seng ya tlhakanelo ya dithoto e e laolang tsamaiso ya dithoto tsa lenyalo la bona.
Kgaolo III le dikarolo tsa 18, 19, 20 le 24 ya Kgaolo IV ya Molao wa Dithoto tsa Lenyalo, wa 1984 Molao wa bo88 wa 1984, o dira malebana le lenyalo lengwe le lengwe fela la setso le e leng la tlhakanelo ya dithoto jaaka go kailwe mo karolwaneng ya 2.
go rebotswe kitsiso e e kwadilweng e e lekaneng ya phetogo e e tshitshinngwang go banayamolato ba banyalani ba melato e e fetang R500 gongwe melato e Tona ya Bosiamisi e ka swetsang ka yona ka kitsiso mo Kaseteng; mme iii go se motho ope yo o tla gobelelwang ke phetogo e e tshitshinngwang, e ka, laela gore tsamaiso ya dithoto tsa lenyalo e e dirang mo lenyalong gongwe manyalo ao, ga e sa tlhole e dira mme ya laolela maphata a lenyalo gongwe manyalo ao go tsena mo konterakeng e e kwadilweng e e leng gore e tla laola tsamaiso ya dithoto tsa lenyalo tsa lenyalo gongwe manyalo a bona mo isagong go ya ka dipeelo tse di tla bong di beilwe ke kgotlatshekelo.
b Mo kgetseng e e amang monna yo e leng molekane wa lenyalo mo manyalong a a fetang bongwe a setso, batho botlhe ba ba nang le dikgatlhego tse di lekaneng mo morerong, bogolo segolo molekane gongwe balekane ba ba gona ba lenyalo, ba tshwanetse go nna gona mo ditsamaisong.
Karolo ya 21 ya Molao wa Dithoto tsa Lenyalo wa 1984 Molao wa bo88 wa 1984 o dira mo manyalong a setso a a nnileng gona morago ga go simolola go dira ga Molao ono, moo e leng gore monna ga a na balekane ba ba fetang bongwe ba lenyalo.
Monna yo o mo lenyalong la setso mme a eletsa go tsena mo lenyalong le lengwe la setso le mosadi yo mongwe morago ga go simolola go dira ga Molao ono o tshwanetse go dira kopo kwa kgotlatshekelo gore e rebole konteraka e e kwadilweng e e tla laolang tsamaiso ya dithoto tsa lenyalo ya manyalo a gagwe mo isagong.
rebola taelo go ya ka seemo se e se bonang se siame; gongwe iii gana kopo fa e le gore go ya ka yona, dikgatlhego tsa lengwe la maphata a a amegang di ka seke tsa sirelediwa ka tshwanelo ka konteraka e e tshitsinngwang.
Batho botlhe ba ba nang le dikgatlhego tse di lekaneng mo morerong, bogolo segolo molekane gongwe balekane ba lenyalo ba ba gona ba modirakopo gammogo le molekane yo o tshwanetseng go nyalwa, ba tshwanetse go nna mmogo mo ditsamaisong tse di dirwang go ya ka karolwana ya 6.
Fa kgotlatshekelo e letlelela kopo e e kailweng mo karolwaneng ya 4 gongwe 6, mokwadisi gongwe tlelereke ya kgotlatshekelo, fela jaaka go tla bo go le maleba, o tshwanetse go neela molekane mongwe le mongwe wa lenyalo taelo ya kgotlatshekelo e e karetsang dikhopi tse di tlhomamisitsweng tsa konteraka eo mme o tshwanetse go dira gore taelo eo le khopi e e tlhomamisitsweng ya konteraka eo di robmelwe kwa mokwadising mongwe le mongwe wa dikano mo lefelong le kgotlatshekelo e leng mo go lona.
Lenyalo la setso le ka tlhatlhamololwa fela ke kgotlatshekelo ka taelo ya tlhalo ka ntlha ya go senyega go go ka sekeng ga tlhola go baakanngwa ga lenyalo.
Kgotlatshekelo e ka rebola taelo ya tlhalo ka ntlha ya go senyega go go ka sekeng ga tlhola go baakanngwa ga lenyalo fa e kgotsofetse gore botsalano jwa lenyalo magareng ga maphata a a mo lenyalong bo fitlhile mo seemong sa go tlhatlhamologa mo e leng gore ga gona kgonagalo epe ya gore go ka tlhola go busediwa botsalano jo bo tlwaelegileng jwa lenyalo magareng ga bona.
Molao wa Tsereganyo mo Mererong Mengwe ya Tlhalo, wa 1987 Molao wa bo24 wa 1987 le karolo 6 ya Molao wa Tlhalo, wa 1979, Molao wa bo70 wa 1979, o dira mo go nyelediweng ga lenyalo la setso.
d e ka dira taelo malebana le tlhokomelo ya ngwana mongwe mo lenyalong; mme e fa e dira taelo malebana le tuelo ya madi a tlhokomelo, e ka ela tlhoko ditlamelo dipe fela gongwe dithulaganyo tse di dirilweng go ya ka molao wa setso.
Go se nne le sepe mo karolong eno se se ka tsewang se lekanyetsa seabe se se lemogwang mo molaong wa setso, sa motho mongwe fela, go akarediwa moeteledipele wa setso, mo go tsereganyeng, go ya ka molao wa setso, fa go na le kgotlhang gongwe morero ope fela o o ka tlhagelelang pele ga go nyelediwa ga lenyalo la setso kwa kgotlatshekelo.
Le fa go na le melawana ya molao wa setso, dingwaga tsa go nna mogolo tsa motho mongwe le mongwe fela di laolwa go ya ka Molao wa Dingwaga tsa go nna Mogolo wa 1972 (Molao wa bo57 wa 1972).
Monna le mosadi ba ba leng mo lenyalong la setso ba na le bokgoni jwa go ka tsena mo konterakeng ya lenyalo mmogo ka fa tlase ga Molao wa Lenyalo wa 1961 Molao wa bo25 wa 1961, fa go sena ope wa bona yo e leng molekane wa lenyalo mo lenyalong le le gona la setso le motho mongwe fela.
Fa go tsenwe mo lenyalong jaaka go kailwe mo karolwaneng ya 1, lenyalo ke la tlhakanelo ya dithoto le lotseno le tatlhegelo ntle le fa ditlamorago tseo di beetswe thoko ka totobalo mo konterakeng ya go se tlhakanele dithoto e e laolang tsamaiso ya dithoto tsa lenyalo ya lenyalo la bona.
Kgaolo III le dikarolo tsa 18, 19, 20 le 24 ya Kgaolo IV ya Molao wa Dithoto tsa Lenyalo, wa 1984 Molao wa bo88 wa 1984, o dira malebana le lenyalo lengwe le lengwe fela la setso le e leng la tlhakanelo ya dithoto jaaka go kailwe mo karolwaneng ya 2.
Le fa go na le karolwana ya 1, ga gona molekane ope wa lenyalo le le nnileng ka fa tlase ga Molao wa Lenyalo wa 1961, yo o nang le bokgoni jwa go tsena mo lenyalong le lengwe fela mo tsamaong ya lenyalo leo.
morero mongwe le mongwe fela o o tlhokegang gongwe o letleletswe go ka rebolwa go ya ka Molao ono; le vii morero mongwe le mongwe fela o o tlhokegang gongwe o o maleba go dira tlamelo ya kwadiso e e siameng ya manyalo a setso gongwe tsamaiso e e siameng ya Molao ono; le b go rebola ditefiso tse di duelwang malebana le kwadiso ya lenyalo la setso le go rebolwa ga setifikeiti malebana le seo.
Molawana mongwe le mongwe o o dirwang ka fa tlase ga karolwana ya 1 o tshwanetse gore pele ga o ka phasaladiwa mo Kaseteng, o fetisiwe kwa Palamenteng.
Molawana mongwe le mongwe o o dirwang ka fa tlase ga karolwana ya 1 o o ka feleletsang o baketse Mmuso ditshenyegelo tsa ditšhelete gongwe melawana e e dirwang ka fa tlase ga karolwana ya 1 b e tshwanetse go dirwa go ntse go dirisanwa mmoro le Tona ya Ditšhelete.
Molawana mongwe le mongwe o o dirwang ka fa tlase ga karolwana ya 1 o ka dira tlamelo ya gore motho mongwe le mongwe o o tlola tlamelo eo gongwe yo o retelelwang ke go e obamela o tla nna molato wa tlolomolao mme e tla re morago ga go atlholwa, a tshwanelwe ke go duela tefiso gongwe go golegwa sebaka se se sa feteng ngwaga.
b moo lenyalo le le amegang le laolwang ke molao o o dirang mo Rephaboliking gongwe karolo nngwe fela ya ona, tlhalosa gore a lenyalo le dirilwe ka tlhakanelo ya dithoto gongwe kwa ntle ga tlhakanelo ya dithoto gongwe gore a tsamaiso ya dithoto tsa lenyalo e laolwa ke molao wa setso go ya ka Molao wa Temogo ya Manyalo a Setso wa 1998;'.
b ke karolo gongwe e ne e le karolo ya dithoto mo dithotong tse di tlhakanetsweng, mme kgotlatshekelo e dirile taelo, gongwe e dirile taelo le go rebola taolelo, ka fa tlase ga karolo ya 20 gongwe 21 1 ya Molao wa Dithoto tsa Lenyalo wa 1984 Molao wa bo88 wa 1984, gongwe ka fa tlase ga karolo ya 7 ya Molao wa Temogo ya Manyalo a Setso wa 1998, go ya fela jaaka go le maleba, e go ya ka yona thoto, khiro gongwe bonto e rebolelwa balekane ba lenyalo mmogo ka dikabo tse di sa aroganngwang.'.
Molao o bidiwa Molao wa Temogo ya Manyalo a Setso wa 1998 mme o simolola go dira mo letlheng le le tsepamisitsweng ke Moporesidente ka kgoeletso mo Kaseteng, go tewa, 15 Ngwanatsele 2000.
Mo nakong e e fetileng, Aforika Borwa o ne a lemoga bonnye, ditsamaiso tse pedi tse di farologaneng tsa tatelano: molao wa boagisanyi (gammogo le melao e e o baakanyang) le melao ya setso. Bontsi jwa melawana ya setso e e neng e dirisiwa e ne e sa thulane fela le ntlhatheo ya go tsholwa ka tekatekano, mme e bile e ne e se ka fa tsamaisong ya molaotheo.
Kganetsano e e malebana le kgotlhang e e magareng ga setso le tekatekano (lebelela karolo 9 le 30 ya Molaotheo) e ntse e kuketse, bogolo segolo mo dingwageng di le mmalwa tse di sa tswang go feta.
Sekai se se popota sa kgotlhang se tlhageletse mo kgetseng ya ntlha ya ga Mthembu (Mthembu v Letsela 1997) SA 9 36 T gammogo le kgetse ya bobedi ya ga Mthembu (Mthembu v Letsela 1998 SA 675 T) e e neng ya ya kwa boikuelong. Ka ntlha ya fa seno e le dikgang tsa maloba, mo lekwalong leno re ya go itebaganya fela le seemo jaaka se ntse gompieno.
Karolo 23 ya Molao wa Tsamaiso ya Bantsho wa bo38 wa 1927 o ne o dirile tlamelo ya gore foo montsho a tlhokafalang a dirile lekwalo la kabo ya boswa will, boswa joo bo neb o tshwanetse go tsamaisiwa ke Molaodi wa Kgotlatshekelo Kgolo karolo 23 9.
Le gale, fa montsho a ne a ka tlhokafala a sa tlogela lekwalo la boammaaruri la kabo ya boswa, boswa jo bo senang lekwalo la kabo ya boswa bo ne bo tshwanetse go tsamaisiwa ke Magiseterata wa lefelo le montsho yoo a neng a nna kwa go lona karolo 23 7. Molawana wa R200 wa letlha la 6 Tlhakole 1987, o o tlhomamisitsweng ka fa tlase ga karolo ya 23 10 ya Molao wa Tsamaiso ya Bantsho, o ne o dirisiwa go thusa mo tsamaisong ya boswa jwa bantsho jo bo senang lekwalo la kabo ya boswa.
Dipholo tsa tshwetso ya Moseneke e nnile gore boswa jwa montsho yo o senang lekwalo la kabo ya boswa bo ka begwa kwa go Molaodi gore bo tle bo tsamaisiwe go ya ka molao wa boagisanyi gongwe kwa Kantorong ya Magiseterata gore bo tsamaisiwe ke magiseterata go ya ka molao wa setso. Seno e ne e le boitlhophelo jwa motho yo o begang boswa. Fa boswa bo ne bo tsamaisiwa ke magiseterata, go ne go latelwa tsamaiso e e seng fomale ya R200 ya 1987 jaaka e kailwe fa godimo. Fa boswa bo ne bo begilwe kwa go Molaodi, go ne go dirisiwa molao wa boagisanyi go tsamaisa Boswa.
Tiragatso e e fa godimo e ne e letleletswe fela sebaka sa dingwaga di le pedi go tloga ka nako e tshwetso e neng e tsewa la ntlha mo kgetseng ya Moseneke. Lefapha la Bosiamisi le ne la tshwanelwa ke go dira gore go nne le molao o o laolang tsamaiso ya boswa jotlhe mo Rephaboliking ya Aforika Borwa. Fela go ne go sena le fa e le molao o o laolang o o bonalang. Go ne ga baakanngwa fela molao o o ntseng o le gona wa "tlhaolele".
Fela jaaka go tlhalositswe, go ya ka tshwetso ya Moseneke, ditlamelo tsa karolo 23 ya Molao wa Tsamaiso ya Bantsho o ne o letleletswe go dirisiwa sebaka sa dingwaga di le pedi fela. Paka ya dingwaga di le pedi e khutlile ka la 5 Sedimonthole 2002. Go tloga ka 6 Sedimonthole, Molaodi wa Kgotlatshekelo Kgolo o ne a na le maatla a go samagana le boswa jotlhe jo bo laolwang ke molao wa boagisanyi. Fa motho a ne a ka tlhokafala mme boleng jwa boswa bo le kwa tlase ga R125 000,00, boswa joo bo neb o lebelelwa kwa Dintlheng tsa Ditirelo kwa Dikantorong tsa Magiseterata mo boemong jwa, le ka fa tlase ga kaelo ya Molaodi (ntlha eno ga e a lebelela fela boswa jwa bantsho).
Boswa jotlhe jo bo nang le lekwalo la kabo ya boswa mme bo feta R125 000,00 bo ne bo sa ntse bo tshwanetse go begwa kwa Molaoding wa Kgotlatshekelo Kgolo go tsamaisiwa gona.
Boswa jwa montsho yo e rileng fa a sa ntse a tshela, a dira kopo ya go gololwa mo tirisong ya Molao wa MaZulu.
Boswa jwa montsho yo e seng moagi wa Aforika Borwa (motswakwa).
Boswa jwa montsho yo e rileng ka letlha le a tlhokafetseng ka lona ya bo e le molekane mo lenyalong la selegae.
Moswi yo e rileng ka letlha la go tlhokafala ga gagwe, ya bo e le moswagadi, motlholagadi gongwe motho yo o tlhadilweng mo lenyalong la selegae mme go sa sala molekane ope wa lenyalo la setso le le nnileng go latela go nyelediwa ga lenyalo.
Fa Tona ya Bosiamisi e laela gore boswa bo tshwanetse go tsamaisiwa go ya ka molao wa boagisanyi.
Pele ga Molaodi a ne a ka tsamaisa boswa jo bo kailweng fa godimo, go ne go tshwanetse gore go tlhagisiwe bosupi jo bo kwadilweng jwa gore boswa ke bongwe jwa jo bo tlhagisitsweng fa pejana.
Boswa jo bo fa godimo bo ne bo sa ntse bo phasaladiwa ka fa tlase ga molao wa setso jaaka go dirilwe tlamelo ya seo ka fa tlase ga Molao wa Tsamaiso ya Bantsho le melawana e e tlhomamisitsweng ka fa tlase ga ona.
Kgetse eo ke kopo ya tlhomamiso ya taelo ya bo seng boammaaruri jwa semolaotheo e e dirilweng ke Kgotlatshekelo Kgolo ya Kapa. Kgotlatshekelo e fitlhetse gore karolo ya 23 (a), (c) le (e) ya Molao wa Tsamaiso ya Bantsho le molawana wa 2(e) wa Melawana ya Tsamaiso le Phasalatso ya Boswa jwa Bantsho ba ba Tlhokafetseng ga e mo molaotheong mme ga se ya boammaaruri. Karolo ya 1 (b) ya Molao wa Tatelano ya Boswa fa go sena lekwalo la kabo ya boswa le yona e ne ya tlhomamisiwa e se mo molaotheong malebana le fa e sa akaretse tiragatso ya karolo ya 1 ya Molao malebana le boswa bongwe le bongwe fela gongwe karolo ya boswa bongwe le bongwe fela e e leng gore karolo ya 23 ya Molao wa Tsamaiso ya Bantsho e dira mo go yona.
Langa DCJ, fa a ne a kwalela bontsi jwa Kgotlatshekelo, o atlhotse ka gore, fa karolo ya 23 ya Molao wa Tsamaiso ya Bantsho e lebelelwa go ya ka hisetori le bokao jwa yona, ke molao wa bogologolo o o neng o thatafatsa molao wa setso "wa semmuso" mme o baka dikgatako tse di bosula tsa ditshwanelo tsa bantsho ba MaAforika. Karolo e ne e dirile tsamaiso e e bapileng ya tatelano ya bantsho ba MaAforika ntle le go lebelela dikeletso le maemo a bona. Karolo ya 23 le melawana ya yona di tlhaola mo go mo pepeneneng mme di gataka ditshwanelo tsa tekatekano tse di mo karolong ya 9 le seriti mo karolong ya 10 ya Molaotheo wa rona, mme ka jalo di tshwanetse go tlosiwa. Bokao jwa taelo eno ga se fela gore melawana e e laolang boswa e e tlametsweng mo karolong e tsewa e sa ikamanye le Molaotheo, mme gape le ditsamaiso tse mo go tsona boswa jwa bantsho bo tsewang ka tsela e e farologaneng go na le boswa jwa basweu, le tsona di tsewa di sa ikamanye le Molaotheo.
Gape Langa DCJ o lebelela gape molawana wa molao wa setso wa SeAforika wa gore mojaboswa e nne leitibolo la mosimane ka mokgwa o o dirisiwang ka ona malebana le go amogela boswa. O swetsa ka gore o tlhaola le go gobelela basadi le bana ba ba tsholetsweng kwa ntle ga lenyalo. Ka jalo o tlhomamisa fa o sa ikamanye le molaotheo mme e se wa boammaaruri.
O swetsa ka gore le fa go ka eletsega gore dikgotlatshekelo di dire melawana e mentšhwa ya molao wa setso wa SeAforika go bontsha molao wa setso o o dirang le go dira gore molao wa setso o lepalepanngwe le molaotheo, paakanyo eo e ka seke ya dira mo morerong ono, ka ntlha ya fa molawana wa gore mojaboswa e nne leitibolo la mosimane ke motheo wa molao wa setso mme o ka seke wa emisediwa mo kgetseng nngwe le nngwe. Le gale, o swetsa ka gore go botlhokwa gore go nne le tsamaiso ya nakwana e e tla laolang tatelano ya boswa jwa bantsho fa go sena lekwalo la kabo ya boswa go fitlhelela kokoanopeomolao e kgona go tlamela ka tharabololo ya leruri. Ka jalo, Kgotlatshekelo e laela gore boswa jo e leng gore mo nakong e e fetileng bo ne bo tla abiwa go ya ka melawana ya Molao wa Tsamaiso ya Bantsho le molawana wa molao wa setso o o reng mojaboswa e nne leitibolo la mosimane o bo tshwanetse go abiwa go ya ka melawana e e tlametsweng mo Molaong wa Tatelano ya Boswa fa go sena Lekwalo la kabo ya boswa. Go dirilwe tlamelo e e kgethegileng malebana le tatelano mo go nang le dikgolagano tsa lefufa (basadi ba ba fetang bongwe).
Taelo ya Kgotlatshekelo eno malebana le melawana ya kamogelo ya boswa e dirwa e busediwa morago go tloga ka di27 Moranang 1994, fela e ka seke ya dira mo diphetisong tsa bong tse di setseng di konoseditswe, ntle le fa mojaboswa a ne a na le kitsiso ya kgwetlho ya boammaaruri jwa semolao jwa ditlamelo tsa molao le molawana wa molao wa setso wa gore mojaboswa e nne leitibolo la mosimane.
Malebana le tsamaiso ya boswa, Kgotlatshekelo e laela gore mo isagong, boswa jwa baswi jo bo ka bong, mo nakong e e fetileng, bo ne bo ka tsamaisiwa ke bomagiseterata go ya ka Molao wa Tsamaiso ya Bantsho, jaanong bo tshwanetse go tsamaisiwa ke Molaodi wa Kgotlatshekelo Kgolo go ya ka Molao wa Tsamaiso ya Boswa wa bo66 wa 1965. Le gale, taelo ya kgotlatshekelo malebana le tsamaiso ya boswa ga e dirwe go simolola kwa morago, ka jalo, boswa jo ga jaana bo tsamaisiwang ke bomagiseterata go ya ka karolo ya 23 ya Molao wa Tsamaiso ya Bantsho, bo tla tswelela bo tsamaisiwa ke bomagiseterata bao. Go tloga ka letlha la katlholo eno, boswa jo bontšhwa bo tla tsamaisiwa ke Molaodi wa Kgotlatshekelo Kgolo go ya ka Molao wa Tsamaiso ya Boswa.
Karolo ya 23 ya Molao wa Tsamaiso ya Bantsho wa bo38 wa 1927 e a phimolwa mme seno se busediwa morago go ya go di27 Moranang 1994.
Bomagiseterata ba ka seke ba tlhola ba nna le dithata tsa go tsamaisa boswa jwa bantsho fa go sena lekwalo la kabo ya boswa.
Boswa jotlhe, go sa kgathalesege gore ke jwa motho wa lotso gongwe mmala ofe, bo tla tsamaisiwa ke Molaodi wa Kgotlatshekelo Kgolo go ya ka Molao wa Tsamaiso ya Boswa wa bo66 wa 1965.
Taelo ya kgotlatshekelo malebana le tsamaiso ya boswa ga e dirwe go simolola kwa morago, ka jalo, boswa jo ga jaana bo tsamaisiwang ke magiseterata go ya ka karolo ya 23 ya Molao wa Tsamaiso ya Bantsho, bo tla tswelela go tsamaisiwa ke bomagiseterata bao. Le gale, melawana ya setso ya tatelano fa go sena lekwalo la kabo ya boswa e ka seke ya obamelwa mme magiseterata o tla tshwanela go dirisa ditlamelo tsa Molao wa Tatelano fa go sena Lekwalo la Kabo ya Boswa wa bo81 wa 1987.
Le fa ditlamelo tsa karolo ya 23 di phimotswe go tloga kwa morago, di ka seke tsa dira mo go setseng go konoseditswe diphetiso tsa bong, ntle le fa mojaboswa a ne a na le kitsiso ya kgwetlho ya boammaaruri jwa semolao jwa ditlamelo tsa molao le molawana wa molao wa setso wa gore mojaboswa e nne leitibolo la mosimane. Gore kgwetlho e tla dirisiwa jang e tla nna tshwetso e e tla tsewang ke dikgotlatshekelo mme re tla nama re letile go bona gore go diragala eng mo isagong.
Mo lenyalong la lefufa (basadi ba ba fetang bongwe) , molekane mongwe le mongwe wa lenyalo o tla nna le tshiamelo ya R125 000 gongwe karolo ya ngwana.
Tsamaiso ya boswa yotlhe e e dirilweng mme e konoseditswe pele ga 15 Diphalane 2004, e sa ntse e ka lebelela molawana wa 4 - taolelo ya Magiseterata, ntle le fa boammaaruri jwa ona jwa semolao bo ka bona kgwetlho. Fa fela e le gore manyalo ao a ne a tsamaisitswe ke Magiseterata go ya ka Kgoeletso ya R200 ya 1987.
Boswa jotlhe jo baswi ba jona ba tlhokafetseng morago ga 15 Diphalane 2004, gongwe fa tsamaiso ya boswa e ne e ntse e tsweletse fela e ise e konosediwe ka letlha leo, bo tshwanetse go tsamaisiwa go ya ka Molao wa Tatelano ya Boswa fa go sena Lekwalo la Kabo ya Boswa wa bo81 wa 1987. Lebaka la phetiso ya boswa le tshwanetse go nopola karolo e e maleba, karolo 1 (a) go ya go 1 (e) ya Molao oo.
Gore bakwadisi ba dikano ba tla lemoga jang gore a boswa bo ne bo setse bo konoseditswe gongwe bo sa ntse bo le mo tsamaisong, ke se se sa itsiweng. Le gale, go laelwa gore Bakwadisi ba tshwanetse go ikaega ka seriti sa bomagiseterata mo lebakeng leno le go latela molawana wa 4 -taolelo.
Ga jaana Khomišene ya Molao ya Aforika Borwa e batlisisa le go kwala molao o montšhwa o o tla tsamaisang boswa jotlhe jwa baswi, kwa ntle ga go farologanya go ya ka lotso, bong gongwe moetlo.
Tsweetswee lemoga gore molao o o tshitshinngwang o o kaiwang fa godimo ke tshitshinyo fela mme ga o ise o rebolwe ke Palamente.
Mo Molaong ono, ntle le fa bokao bo supa ka tsela e nngwe.
moeteledipele wa setso' o kaya motho mongwe le mongwe fela yo e leng gore go ya ka molao wa setso gongwe molao mongwe fela o na le maemo mo tatelanong ya go busa.
Le fa go ntse go na le molao mongwe fela o o ganetsang seno, boswa jwa motho bo tshwanetse gore morago ga loso lwa gagwe bo abiwe go ya ka lekwalo la motho yoo la kabo ya boswa gongwe, fa go sa abiwe boswa go ya ka lekwalo la boammaaruri la kabo ya boswa, e ka nna ka botlalo gongwe bontlhabongwe, go ya ka molao wa tatelano ya boswa fa go sena lekwalo la kabo ya boswa jaaka o rebotswe ke Molao wa Tatelano ya Boswa fa go sena Lekwalo la Kabo ya Boswa wa 1987 (Molao wa bo81 wa 1987).
Molao wa Tatelano ya Boswa fa go sena Lekwalo la Kabo ya Boswa wa 1987 Molao wa b081 wa 1987 o dira ka diphetogo tse di tlhokegang go ya ka bokao jwa boswa jwa fa go sena lekwalo la kabo ya boswa jwa motho yo e rileng pele ga Molao ono o simolola go dira, a tsena mo lenyalong la boammaaruri le le neng le ntse le le gona ka nako ya fa motho yoo a tlhokafala.
a Le fa go na le molao mongwe o o ganetsang, mme go tswe tlhoko temana ya b fa tlase, molekane wa lenyalo o amogela boswa jwa moswi jwa ntlo le dilwana tsa sebele.
b Fa moswi a ne a na le matlo a a fetang bongwe, molekane wa lenyalo yo o setseng a ka amogela boswa jwa ntlo e le nngwe fela, fa fela e le gore molekane yo o setseng o tla nna le tshiamelo ya go itlhophela gore o tsaya ntlo efe.
Fa wa losika la moswi, go sa akarediwe ngwana gongwe wa losika yo o nang le bolwetsi jwa tlhaloganyo, yo e leng gore, ena mmogo le molekane wa lenyalo wa moswi, ba na le tshiamelo ya go amogela sengwe mo bosweng jo bo senang lekwalo la kabo ya boswa, a gana go dirisa tshwanelo ya gagwe ya go amogela tshiamelo eo, tshiamelo eo e tla rolelwa mo molekaneng wa lenyalo yo e leng motsadi wa motho yoo wa losika.
Karolo 1 ya Molao wa Tlhokomelo ya Balekane ba ba Setseng ba Lenyalo, wa 1990 (wa bo27 wa 1990), e baakanngwa ka go tsenya mafoko a a latelang mo tlhalosong ya 'yo o setseng' - mmogo le ngwana mongwe le mongwe fela gongwe motho mongwe fela yo e leng wa losika la moswi yo e leng gore o ne a tlhokomelwa ke moswi pele ga moswi a ka tlhokafala
Melao ya Mazulu kwa KwaZulu/Natala, Molao wa bo16 wa 1985 le Kgoeletso ya R151 ya 1987, e phimolwa ka ntlha ya fa e sa lepalepane le Molao ono le Molao wa Tatelano ya Boswa fa go sena Lekwalo la Kabo ya Boswa, wa 1987 (Molao wa bo81 wa 1987).
Ka go riana go phimolwa karolo ya 23 ya Molao wa Tsamaiso ya Bantsho, wa 1927 Molao wa bo38 wa 1927.
c Melao yotlhe ya setso e e pateletsang mojaboswa go tlhokomela ba ba neng ba tlhokomelwa ke moswi le go duela melato ya moswi e a phimolwa.
Molao ono o bidiwa Paakanyo ya Molao wa Setso wa Tatelano, wa 2000, mme o tla simolola go dira ka letlha le le tla rebolwang ke Moporesidente ka kgoeletso mo Kaseteng.
Go tloga bogologolo tala, molao wa boagisanyi o ne o sa lemoge manyalo a a nnileng go ya ka molao wa Islamo. Fa pele ga molao, banyalani ba ba neng ba le mo dikgolaganong tseo ba ne ba tsewa ba sa nyalana (lebelela Ismail v Ismail 1983 SA 1006 AD).
Le gale, sešweng jaana dikgotlatshekelo tsa rona di fetotse ka moo di lebang dilo ka gona. Mo kgetseng ya Amod v Multilateral Motor Vehicle Accidents Fund 1994 SA 1319 (SCA), Kgotlatshekelo Kgolo ya Boikuelo e lemogile manyalo a SeMoseleme a balekane ba le babedi fela malebana le mabaka a tlhokomelo fela. Go tshwana fela le mo, mo kgetsing e e sa begwang ya Daniels v Campbell NO 2004 SA 331 CC, Kgotlatshekelo ya Molaotheo e lemogile lenyalo la SeMoseleme la balekane ba le babedi fela malebana le tatelano ya boswa fa go sena lekwalo la kabo ya boswa le tlhokomelo, fela.
Ka ntlha ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, o o lemogang ditso le meetlo ya MaAforika Borwa otlhe, kokoanopeomolao e ne ya tshwanela go tlamela ka molao wa temogo ya manyalo a boammaaruri a SeMoseleme, le go tlamela ka ditlamorago tsa manyalo a a jalo.
Go fetisitswe Molaotlhomo malebana le go lemoga Manyalo a Islamo.
Mo lekwalong leno, maikaelelo ga se go tlhalosa Molaotlhomo ka botlalo, mme tota ke go lebelela fela dikarolo tsa Molaotlhomo tse di maleba mo babueleding le mo porofešeneng ya molao.
Go tla tlhalosiwa fela ditlhaloso tse di leng maleba mo lekwalong leno.
Kgotlatshekelo ya Tlhalo e e tlhamilweng ka fa tlase ga karolo ya 10 ya Molao wa bo9 wa 1929.
Tlhaloso eno e botlhokwa mo mabakeng a tlhalo, go fetolwa ga tsamaiso ya dithoto tsa lenyalo le taelo ya kgotlatshekelo malebana le manyalo a lefufa (basadi ba ba fetang bongwe).
Seno ke lenyalo la Semoseleme le gape le kwadisitsweng le go tlhomamisiwa mme le kwadisitswe go ya ka Molao wa Lenyalo wa 1961, pele ga Molao o simolola go dira. Ka mantswe a mangwe, lenyalo le le diragaditsweng go ya ka Molao wa Islamo le Molao wa Boagisanyi.
Motho mongwe le mongwe yo o thapilweng jalo ke Tona.
Balekane ba lenyalo ba ba tsenang mo lenyalong la Semoseleme morago ga Molao o sena go simolola go dira, ba tshwanetse go tlhopha go tlamiwa ke ditlamelo tsa Molao karolo 2 1.
Go ya ka karolo ya 6 (b) ya Molao, moo maphata a itlhophetseng go tlamiwa ke ditlamelo tsa Molao, lenyalo leo la Semoseleme le tshwanetse go kwadisiwa fa go sena go wediwa tiro ya lenyalo, gongwe mo pakeng e telejana e e tlametsweng.
Le gale, go tlhoka go kwadisa lenyalo ga go ame go nna boammaaruri ga lenyalo (lebelela karolo ya 6 infra).
Manyalo otlhe a a nnileng gona pele ga Molao o simolola go dira, a tla laolwa ke ditlamelo tsa Molao, ntle le fa maphata ao, a ka tlhopha gore kgolagano ya ona e seke ya tlamiwa ke ditlamelo tsa Molao karolo 22, fela seo se tshwanetse go dirwa mo pakeng ya dikgwedi di le somepedi gongwe paka e e telejana go ya jaaka go tla swediwa.
Moo maphata a tlhophang gore a seke a tlamiwa ke ditlamelo tsa Molao, go tla dira molao jaaka o ne o ntse o ntse pele ga Molao o simolola go dira karolo 23. Seno se tla raya gore manyalo ao ga a lemogwe mme go tla dira seemo sa molao wa boagisanyi jaaka o kailwe kwa matsenong.
Ditlamelo tsa Molao di tla dira mo lenyalong lengwe le lengwe la Semoseleme le le nnileng gona go ya ka molao wa Islamo mme le tlhomamisitswe le go kwadisiwa go ya ka Molao wa Lenyalo wa 1961 karolo 2 4, fa fela e le gore balekane ba lenyalo ba tlhopha gore ditlamelo tsa Molao di dire mo lenyalong leo. Le gale Molao o ka nna wa seke wa ama ditlamorago tsa boswa jo bo amogetsweng go tswa kwa go rraagwe mongwe mo lenyalong le le ntseng le le gona, mme ka ntlha ya mabaka a a itsiweng, dikarolo tsa 5, 6, 7 le 10 tsa Molao di ka seke tsa dira mo lenyalong.
Molao ga o dire momanyalong a selegae gongwe manyalo a setso, a a laolwang ke Molao wa Temogo ya Manyalo a Setso, wa bo120 wa 1998.
Lebelela Mametlelelo B go bona Tšhate ya Tatelano.
Ke fela manyalo a Semoseleme a Molao o dirang mo go ona le a a obamelang ditlhokego tsotlhe tsa Molao a a tla tsewang jaaka manyalo a boammaaruri karolo 2 5.
Balekane ba lenyalo ba ba mo lenyalong la Semoseleme ban a le bokgoni jo bo tletseng jwa go tsenela dikonteraka, go tsaya dikgato tsa semolao, jalo le jalo.
Balekane ba lenyalo botlhe ba tshwanetse go rebola tumelelo.
Ga gona molekane ope wa lenyalo la Semoseleme yo o ka tsenang mo lenyalong le lengwe ka fa tlase ga Molao wa Lenyalo gongwe molao mongwe fela, mo tsamaong ya go nna teng ga lenyalo leo karolo ya 52. Lenyalo le lengwe le le lengwe fela le le tla diragalang le tla bo e tla bo e le tshenyo ya nako fela karolo ya 5 3. Ntlha e e ganetsanang le eno le yona e a dira fano. Balekane ba lenyalo ba ba mo Lenyalong la Semoseleme le e leng gore ditlamelo tsa Molao di dira mo go lona, le bona ga ba a tshwanela go tsena mo lenyalong la ditshwanelo tsa selegae.
Lenyalo le le jalo le tshwanetse go kwadisiwa mo sebakeng sa dingwaga di le pedi morago ga Molao o sena go simolola go dira, gongwe paka e telejana jaaka go tla bo go letleletswe karolo ya 61a. Le fa karolo eno e le ya makgaolakgang, go retelelwa ke go kwadisa lenyalo ga go ame boammaaruri jwa lenyalo.
Moo maphata a tlhophileng go tlamiwa ke Molao, lenyalo le tshwanetse go kwadisiwa morago ga go konosediwa gongwe mo pakeng e telejana jaaka go tla bo go letleletswe karolo ya 61b. Lebelela tlhaloso e e fa godimo malebana le fa lenyalo le sa kwadisiwa.
Go ya kakarolo ya 6 (d), motlhankedi yo o nyadisang ot shwanetse a rebolela balekane ba lenyalo setifikeiti sa kwadiso, se e tla nnang bosupi jwa ka gangwe fela (prima facie) jwa gore go na le lenyalo la Semoseleme.
Motlhankedi yo o nyadisang a ka gana go kwadisa lenyalo, mme kgotlatshekelo yona, e kare morago ga go amogela kopo, ya kwadisa lenyalo leo karolo 65 le 66.
Go tlhoka go kwadisa lenyalo la Semoseleme ga go ame boammaaruri jwa lenyalo karolo 610.
Lenyalo leo ke le e seng la tlhakanelo ya dithoto, go sa akarediwe tsamaiso ya koketsego, ntle le fa maphata a ka kwadisa tumelano e e seng ya tlhakanelo ya dithoto kwa bokwadisetsong jwa dikano mo sebakeng sa dikgwedi di le 12 morago ga letlha le Molao o simolotseng go dira ka lona karolo ya 81a.
Lenyalo leo e tla nna le e seng la tlhakanelo ya dithoto, go sa akarediwe tsamaiso ya koketsego, ntle le fa maphata a ka kwadisa tumelano e e seng ya tlhakanelo ya dithoto mo sebakeng sa dikgwedi di le tharo morago ga letlha la lenyalo karolo ya 81b.
Balekane ba ba mo lenyalong la Semoseleme, le Molao o dirang mo go lona, ba ka dira kopo mmogo kwa kgotlatshekelo gore ba nne le tshono ya go fetola tsamaiso ya dithoto tsa bona tsa lenyalo karolo ya 83. Ga go a rebolwa nako epe e e beetsweng gore phetogo eo e dirwe mo go yona.
Themolo ya konteraka e e laolang tsamaiso ya isago ya dithoto tsa lenyalo tsa manyalo karolo ya 86.
Fa kgotlatshekelo e rebola kopo eo, khopi e e tlhomamisitsweng ya konteraka e tshwanetse go rekotiwa kwa go mokwadisi wa dikano karolo ya 89.
Ga gona motlhankedi ope yo o nyadisang yo o tshwanetseng go kwadisa lenyalo la lefufa ntle le fela fa a tlametswe ka khopi ya taelo ya kgotlatshekelo karolo ya 810.
Karolo ya bo9 e dira tlamelo ya gore kgotlatshekelo ya molao e ka khutlisa manyalo a Semoseleme ka ntlha ya mabaka a a letlelelwang ke melao ya Islamo (lebelela Mametlelelo C go bona thulaganyo e e tshwanetseng go latelwa go tlhatlhamolola lenyalo).
Mo mabakeng a mo go ona, molekane wa lenyalo le le ntseng le le gona la selegae a tsayang kgato yay tlhalo go ya ka Molao wa Tlhalo, Kgotlatshekelo e ka seke ya nyeletsa lenyalo la selegae go fitlhelela kgotlatshekelo e kgotsofala gore lenyalo la Semoseleme le setse le tlhatlhamolotswe (karolo 10).
Ke kgotlatshekelo ya molao fela e e ka lemogang lenyalo le le jalo mo mabakeng a kgotlhang magareng ga maphata gongwe motlhankedi yo o nyadisang.
Dikarolo tsa 13, 14 le 15 tsa Molao di dira tlamelo ya thulaganyo e e tshwanetseng go latelwa mo mabakeng a kgotlhang malebana le go tlhatlhamololwa ga manyalo (lebelela Mametlelelo ya D go bona thadiso ya dithulaganyo tse di tshwanetseng go latelwa).
Go dira tlamelo ya go lemogwa ga manyalo a Semoseleme; go tlhalosa ditlhokego tsa lenyalo la boammaaruri la Semoseleme; go laola kwadiso ya manyalo a Semoseleme; go lemoga seemo le bokgoni jwa balekane ba lenyalo mo manyalong a Semoseleme; go laola ditlamorago tsa dithoto tsa manyalo a Semoseleme; go laola go khutlisiwa ga manyalo a Semoseleme le ditlamorago tsa seo; go dira tlamelo ya go dirwa ga melawana; le go dira tlamelo ya merero e e amanang le tseo.
"Iddah" e kaya paka e e laoletsweng ya go leta, morago ga go sena go tlhatlhamololwa lenyalo ka Talaq, Faskh gongwe loso mo pakeng e mo go yona a ka sekeng a nyalwa gape.
c imileng, e atologa go fitlha ka nako ya go belega.
b fa a imile, e atologa go fitlha ka nako ya go belega.
"Molao ono" o akaretsa melawana.
xxii "'Tafwid al- Talaq'" e kaya fa monna a rolela dithata tsa gagwe tsa Talaq mo mosading wa gagwe gongwe go mongwe fela, e ka nna ka nako ya go konosediwa ga lenyalo gongwe mo tsamaong ya lenyalo, gore mosadi gongwe motho yo o roletsweng dithata a kgone go fedisa lenyalo ka go goeletsa Talaq go ya ka dipeelo tsa dithata tseo fela; mme xxiii "Tona" e kaya Tona ya Merero ya Selegae.
Ditlamelo tsa Molao ono di tla dirisiwa mo lenyalong la Semoseleme le le nnileng gona morago ga Molao ono o sena go simolola go dira, moo maphata a lona a tlhophang go ya ka tsela e e rebotsweng, go tlamiwa ke ditlamelo tsa Molao ono.
Ditlamelo tsa Molao ono di tla dirisiwa mo lenyalong la Semoseleme le le nnileng gona pele ga Molao ono o simolola go dira: Fa fela e le gore maphata a tla nna le tshiamelo, mo sebakeng sa dikgwedi di le 12 gongwe paka e telejana jaaka go tla bo go rebotswe, go tloga ka letlha la tshimologo eo, go tlhopha mmogo go ya ka tsela e e rebotsweng, gore ba seke ba tlamiwa ke ditlamelo tsa Molao ono, mme mo lebakeng le le jalo, ditlamelo tsa Molao ono ga di kitla di dira mo lenyalong le le jalo.
Molao o o dirang mo lenyalong la Semoseleme le maphata a lona a tlhophileng gore a seke a tlamiwa ke ditlamelo tsa Molao ono, e tla nna molao fela jaaka o sa bolo go nna pele ga Molao ono o simolola go dira.
b ga di dire mo lenyalong la selegae le le tlhomamisitsweng ka fa tlase ga Molao wa Lenyalo morago ga go simolola go dira ga Molao ono; mme c ga di dire mo lenyalong la setso le le kwadisitsweng ka fa tlase ga Molao wa Temogo ya Manyalo a Setso wa 1998 Molao wa bo120 wa 1998.
Lenyalo la Semoseleme le Molao ono o dirang mo go lona mme le obametse ditlhokego tsotlhe tsa Molao ono, le tla lemogwa mo mabakeng otlhe jaaka lenyalo la boammaaruri.
Monna le mosadi ba ba mo lenyalong la Semoseleme ba lekalekana ka seriti sa setho mme botlhe, go ya ka tekatekano, ba na le maemo a a tletseng, bokgoni le go ikemela ka tsa madi, go akarediwa bokgoni jwa go bona le go nna le dithoto le go di tsamaisa, go tsenela dikonteraka le go tsaya dikgato tsa semolao.
Kgotlhang nngwe le nngwe e e tlhagelelang mo lenyalong la Semoseleme le le nnileng gona mme la khutla pele ga Molao ono o simolola go dira, e tla lebelelwa go ya ka ditlamelo tsa Molao ono: Fa fela e le gore maphata a ka dumelana ka tsela e e rebotsweng go tlhopha gore kgotlhang e lebelelwe kwa ntle ga ditlamelo tsa Molao ono.
a Moo e leng gore kgotlhang e tlhagelela magareng ga monna yo o mo lenyalong la lefufa, le mongwe gongwe bangwe ba balekane ba gagwe ba lenyalo, mme kgotlhang ya teng e sa ntse e sekasekwa kwa kgotlatshekelo e e nang le bokgoni mo tikologong eo, mme e bile go sa kgathalesege gore a kgotlhang e amana le lenyalo le le laolwang ke ditlamelo tsa Molao ono kgotsa nnyaa, balekane botlhe ba lenyalo ba monna a nyalaneng nabo ba tshwanetse go newa kitsiso ya kgotlhang eo.
b Fa e dira taelo go latela ditlamelo tsa temana ya a, kgotlatshekelo e tshwanetse go ela tlhoko ditshwanelo tsa maphata otlhe a a amegang.
d monyadi le monyadiwa ba ba ikaelelang go tsena mo lenyalong ba tshwanetse ba bo ba le bogolo jwa dingwaga di le 18; mme e go tshwanetse ga obamelwa ditlamelo tsa karolo eno le dikarolo tsa 6 le 7.
Ga gona molekane ope yo o mo lenyalong la Semoseleme le Molao ono o dirang mo go lona yo o tla reng morago a tsene mo lenyalong ka fa tlase ga Molao wa Lenyalo gongwe molao mongwe fela mo tsamaong ya lenyalo leo la Semoseleme.
Mo lebakeng le mo go lona go tsenweng mo lenyalong go tlola ditlamelo tsa karolwana 2, lenyalo leo le tla tsewa e se la boammaaruri.
Fa mongwe wa banyalani ba ba ikaelelang go tsena mo lenyalong e sa le ngwana, o tshwanetse go bona tumelelo ya batsadi ba gagwe botlhe, gongwe fa a sena batsadi, ya motlhokomedi wa gagwe.
Fa tumelelo ya motsadi gongwe motlhokomedi jaaka go kailwe mo karolwaneng ya 4 e sa kgone go bonwa, go tla dira ditlamelo tsa karolo ya 25 ya Molao wa Lenyalo.
Le fa go ntse go na le ditlhokego tsa karolwana ya 1 d, Tona gongwe mongwe fela wa Momoseleme gongwe bothati jwa Semoseleme jo bo laoletsweng jalo ke ena ka lekwalo, ba ka rebolela motho yo o bogolo jo bo ka fa tlase ga dingwaga tse di beilweng, tetla e e kwadilweng go tsena mo lenyalong la Semoseleme fa Tona gongwe motho yo o kailweng gongwe bothati bo bona lenyalo leo le eletsega mme e bile le le mo dikgatlhegong tsa maphata a a amegang.
Tetla e e tla bong e rebotswe go ya ka karolwana ya 6 ga e kitla e golola maphata a lenyalo leo le le lebeletsweng mo maikarabelong a go obamela ditlhokego tse dingwe le dingwe gape tse di rebotsweng ke molao.
Fa motho yo o bogolo jo bo ka fa tlase ga dingwaga tse di beilweng a tsene mo lenyalong la Semoseleme kwa ntle ga tetla e e kwadilweng ya Tona gongwe mongwe gongwe bothati jo bo laoletsweng jalo ke ena, Tona gongwe motho yoo gongwe bothati, fa ba bona lenyalo leo le eletsega mme e bile le le mo dikgatlhegong tsa maphata a a amegang, mme e le gore mo dintlheng tse dingwe tsotlhe lenyalo le nnile go ya ka Molao ono, ba ka tlhomamisa lenyalo leo ka go kwala, go nna lenyalo la boammaaruri la Semoseleme mo mabakeng otlhe.
Go lebeletswe ditlamelo tsa dikarolwana 6 le 7, karolo ya 24A ya Molao wa Lenyalo e dira mo lenyalong la Semoseleme la ngwana le le nnileng gona kwa ntle ga tumelelo ya motsadi, motlhokomedi, mokomisinara wa katlaatlelo wa bana gongwe moatlhodi, go ya fela jaaka go tla bo go le maleba.
Thibelo ya lenyalo la Semoseleme magareng ga batho ka ntlha ya kamano ya bona ya madi gongwe losika gongwe tlhokomelo, gongwe lebaka lengwe le lengwe fela, e laolwa go ya ka molao wa Islamo.
a le le nnileng gona pele ga go simolola go dira ga Molao ono, kwa ntle ga fa maphata a tlhophile gore a seke a tlamiwa ke ditlamelo tsa Molao ono jaaka go kailwe mo karolong ya 22, le tshwanetse go kwadisiwa mo sebakeng sa dikgwedi tse 12 morago ga go simolola go dira goo, gongwe mo pakeng nngwe e e telejana go ya fela jaaka Tona a ka rebola nako le nako ka kitsiso mo Kaseteng; gongwe b le le nnileng gona morago ga Molao ono o sena go simolola go dira, moo maphata a tlhophileng go tlamiwa ke ditlamelo tsa Molao ono jaaka go kailwe mo karolong ya 21, le tshwanetse go kwadisiwa jaaka go rebotswe ka nako ya go konotelelwa ga lenyalo gongwe mo pakeng nngwe e e telejana go ya fela jaaka Tona a ka rebola nako le nako ka kitsiso mo Kaseteng.
a mongwe le mongwe wa maphata a a amegang a neela motlhankedi yo o nyadisang lekwaloitshupo la gagwe le le rebotsweng ka fa tlase ga ditlamelo tsa Molao wa Boitshupo wa 1986 Molao wa bo71 wa 1986; gongwe b fa go sena lekwaloitshupo, lephata le le maleba le tlamela motlhankedi yo o nyadisang ka lekwalo la maikano le le rebotsweng; gongwe c mongwe wa maphata ao a neela motlhankedi yo o nyadisang lekwaloitshupo la gagwe le le kailweng mo temaneng ya a mme yo mongwe a neela motlhankedi yo o nyadisang lekwalo la maikano le le kailweng mo temaneng ya b.
d rebolela balekane ba lenyalo setifikeiti sa kwadiso, se se nang le dintlha tse di rebotsweng; le e fetisetsa direkoto tse di maleba kwa moemeding wa kgaolo gongwe kgaolopotlana yo o thapilweng jalo ka fa tlase ga karolo ya 211 ya Molao wa Boitshupo wa 1986.
Fa motlhankedi yo o kwadisang a sa kgotsofala gore go ne go na le lenyalo la boammaaruri la Semoseleme magareng ga banyalani, o tshwanetse go gana go kwadisa lenyalo.
a kwadiso ya lenyalo la Semoseleme; gongwe b go phimolwa gongwe go baakanngwa ga kwadiso nngwe fela ya lenyalo la Semoseleme e e dirilweng ke motlhankedi yo o nyadisang.
Setifikeiti sa kwadiso ya lenyalo la Semoseleme se se rebotsweng ka fa tlase ga karolo eno gongwe molao mongwe fela o o nang le tlamelo ya kwadiso ya manyalo a Semoseleme ke bosupi jwa ntlha jo bo lekaneng prima facie proof jwa go nna gona ga lenyalo la Semoseleme le jwa dintlha tse di fitlhelwang mo setifikeiting.
Motlhankedi mongwe le mongwe yo o nyadisang yo o kwadisang ka kitso, lenyalo le le sa obameleng ditlamelo tsa Molao ono, o tla bonwa molato wa tlolomolao mme a ka atlholelwa tefiso e e sa feteng R5 000.
a Motho mongwe le mongwe yo o tsamaisang lenyalo la Semoseleme, go sa kgathalesege gore a motho yoo ke motlhankedi yo o nyadisang, o tshwanetse go itsise balekane ba ba ikaelelang go tsena mo lenyalong gore ba ka itlhophela gore a ba batla go tlamiwa ke ditlamelo tsa Molao ono kgotsa nnyaa.
b Fa maphata a lenyalo le go ikaelelwang go tsenwa mo go lona a tlhopha go tlamiwa ke ditlamelo tsa Molao ono jaaka di kailwe mo karolong ya 21, motho yo o tsamaisang lenyalo le le kailweng mo temaneng ya a o tshwanetse go fetisetsa maphata ao kwa motlhankeding yo o nyadisang gore go kwadisiwe lenyalo leo la Semoseleme le a le tsamaisitseng.
c Motho yo o tsamaisang lenyalo le le kailweng mo temaneng ya a, yo o sa obameleng ditlamelo tsa temana ya b, o nna le molato wa tlolomolao mme a ka atlholelwa tefiso e e sa feteng R5 000.
Fa maphata a tlhagelela fa pele ga motlhankedi yo o nyadisang gore ba tsweletse lenyalo la Semoseleme mme motlhankedi yoo yo o nyadisang a na le pelaelo ya gore mongwe wa bona o ka ne a le bogolo jo bo mo iletsang go tsena mo lenyalong la boammaaruri la Semoseleme kwa ntle ga tumelelo gongwe tetla ya motho mongwe fela, motlhankedi yo o nyadisang a ka gana go kwadisa lenyalo magareng ga bona ntle le fa a ka newa tumelelo eo gongwe tetla e e kwadilweng, gongwe bosupi jo bo kgotsofatsang jwa gore lephata le le amegang le na le tshiamelo ya go ka tsena mo lenyalong kwa ntle ga tumelelo gongwe tetla eo.
a malebana le lenyalo le le nnileng gona pele ga Molao ono o simolola go dira, mme le fa e le gore ka nako ya go konosediwa ga lona, go ne go na le tumelano e e kwadilweng magareng ga balekane ba lenyalo, e e laolang ditlamorago tsa dithoto tsa lenyalo, mo sebakeng sa dikgwedi di le somepedi go tloga ka letlha le Molao o simolotseng go dira ka lona; le b malebana le lenyalo le le nnileng gona morago ga Molao ono o sena go simolola go dira, mo sebakeng sa dikgwedi di le tharo go tloga ka letlha le konteraka e simolotseng go dira ka lona gongwe paka e e atolositsweng go ya fela jaaka kgotlatshekelo e ka letla fa go sena go dirwa kopo.
Go sa ikgatholosiwe ditlamelo dingwe le dingwe fela tse di ganetsanang le seno tse di ka fitlhelwang mo molaong mongwe fela, konteraka e e seng ya tlhakanelo ya dithoto e e kaiwang mo karolwaneng ya 1 ga e tlhoke go tlhomamisiwa ke ramolao.
v go rebotswe kitsiso e e kwadilweng e e lekaneng ya phetogo e e tshitshinngwang go banayamolato ba balekane ba lenyalo ba melato e e fetang R500 gongwe melato e Tona ya Bosiamisi e ka swetsang ka yona ka kitsiso mo Kaseteng; mme vi go se motho ope yo o tla gobelelwang ke phetogo e e tshitshinngwang, e ka, laela gore tsamaiso ya dithoto tsa lenyalo e e dirang mo lenyalong gongwe manyalo ao, ga e sa tlhole e dira mme ya laolela maphata a lenyalo gongwe manyalo ao go tsena mo konterakeng e e kwadilweng e e leng gore e tla laola tsamaiso ya dithoto tsa lenyalo gongwe manyalo a bona mo isagong go ya ka dipeelo tse di tla bong di beilwe ke kgotlatshekelo.
Mo kgetseng e e amang monna yo e leng molekane wa lenyalo mo manyalong a a fetang bongwe a Semoseleme, batho botlhe ba ba nang le dikgatlhego tse di lekaneng mo morerong, bogolo segolo molekane gongwe balekane ba ba gona ba lenyalo, ba tshwanetse go nna gona mo ditsamaisong.
Moo monna e leng molekane wa lenyalo mo lenyalong le le gona la selegae, le mo lenyalong la Semoseleme, balekane ba gagwe ba lenyalo botlhe ba tshwanetse go nna gona mo ditsamaisong tseo.
Monna yo o mo lenyalong la Semoseleme, le Molao ono o dirang mo go lona, mme a eletsa go tsena mo lenyalong le lengwe la Semoseleme le mosadi yo mongwe morago ga go simolola go dira ga Molao on, o o tshwanetse go dira kopo kwa kgotlatshekelo gore e rebole konteraka e e kwadilweng e e tla laolang tsamaiso ya dithoto tsa lenyalo tsa manyalo a gagwe mo isagong.
c ntsha taelo eo malebana le dithoto tse di ka nnang gona tsa balekane ba lenyalo ba ba amegang go ya jaaka go dumelanwe, gongwe, fa go sena tumelano, lenyalo le tla tsewa e le le e seng la tlhakanelo ya dithoto, ntle le fa kgotlatshekelo e ka swetsa ka tsela e nngwe ka ntlha ya mabaka a a pateletsang.
Batho botlhe ba ba nang le dikgatlhego tse di lekaneng mo morerong, bogolo segolo molekane gongwe balekane ba lenyalo ba ba gona ba modirakopo gammogo le molekane yo o tshwanetseng go nyalwa, ba tshwanetse go nna mmogo mo ditsamaisong tse di dirwang go ya ka karolwana ya 6.
Fa kgotlatshekelo e letlelela kopo e e kailweng mo karolwaneng ya 3 gongwe 6, mokwadisi gongwe tlelereke ya kgotlatshekelo, fela jaaka go tla bo go le maleba, o tshwanetse go neela molekane mongwe le mongwe wa lenyalo taelo ya kgotlatshekelo e e akaretsang dikhopi tse di tlhomamisitsweng tsa konteraka eo mme o tshwanetse go dira gore taelo eo le khopi e e tlhomamisitsweng ya konteraka eo di romelwe kwa mokwadising mongwe le mongwe wa dikano mo lefelong le kgotlatshekelo e leng mo go lona gore go kwadisiwe.
Ga gona motlhankedi ope yo o nyadisang yo o tla kwadisang lenyalo la bobedi gongwe le le latelang la Semoseleme, ntle le fa fela monna a tlamela motlhankedi yo o nyadisang ka taelo ya kgotlatshekelo e e nayang tetla e e tlhokegang go ya ka karolwana ya 7.
Monna yo o tsenang mo lenyalong le lengwe la Semoseleme, fa a sa ntse a nyetse, kwa ntle ga tetla ya kgotlatshekelo, e le go tlola karolwana ya 6, o tla nna le molato wa tlolomolao mme a ka atlholelwa tefiso e e sa feteng R20 000.
Motho mongwe le mongwe yo o thibelang yo mongwe ka bomo gore a seke a diragatsa ditshwanelo tse di rebotsweng ka fa tlase ga Molao ono, o tla nna le molato wa tlolomolao mme a ka atlholelwa tefiso gongwe go latlhelwa kwa kgolegelong sebaka se se sa feteng ngwaga.
Ditlamelo tsa karolo ya 2 ya Molao wa Tlhalo di tla dira, ka diphetogo tse di tla tlhokegang go ya ka bokao, malebana le tikologo e kgotlatshekelo e dirang mo go yona malebana le Molao ono.
Go sa ikgatholosiwe ditlamelo tsa karolo ya 3a ya Molao wa Tlhalo gongwe sengwe fela se se ganetsanang le seo se se fitlhelwang mo molaong mongwe fela gongwe molao wa boagisanyi, lenyalo la Semoseleme le ka tlhatlhamolowla ke kgotlatshekelo ka ntlha ya mabaka a a letlelelwang ke molao wa Islamo. Ditlamelo tsa karolo eno di tla dira gape, ka diphetogo tse di tlhokegang go ya ka bokao, mo lenyalong le le ntseng le le gona la selegae mo e leng gore maphata a lona a tlhophile ka tsela e e rebotsweng, go dira gore ditlamelo tsa Molao ono di dire mo ditlamoragong tsa lenyalo la bona.
a Monna o tla patelesega go dira gore Talaq e e sa gogelegeng morago e kwadisiwe ka gangwe fela, mme mo lebakeng lengwe le lengwe fela, mo sebakeng se se sa feteng malatsi a le 30 morago ga kgoeletso, le motlhankedi yo o nyadisang kwa kgaolong ya magiseterata e e gaufi le bonno jwa mosadi, mosadi yoo a le gona gongwe moemedi yo o laoletsweng jalo ke mosadi gammogo le basupi ba le babedi ba ba nang le bokgoni.
b Fa e le gore ga go kgonagale gore mosadi gongwe moemedi yo o laoletsweng ke mosadi a nne gona ka ntlha ya lebaka lengwe fela, motlhankedi yo o nyadisang o tla kwadisa Talaq e e sa gogelegeng morago fela mo mabakeng a mo go ona monna a kgotsofatsang motlhankedi yo o nyadisang kitsiso e e maleba e e ka ga keletso ya kwadiso e e mo foromong e e rebotsweng e neilwe mosadi ke morongwa wa kgotlatshekelo gongwe tirelo e e emetseng seo.
c Ditlamelo tsa ditemana tsa a le b di tla dira ka diphetogo tse di tlhokegang go ya ka bokao, moo monna a neileng mosadi dithata tsa go dira kgoeletso ya Talaq, mme mosadi a dirile kgoeletso ya Talaq e e sa gogelegeng morago Tafwid al- Talaq.
d Monna mongwe le mongwe fela yo e leng gore a ntse a itse e bile a dira ka bomo, ga a kwadise Talaq e e sa gogelegeng morago go ya ka karolwana eno o tla nna le molato wa tlolomolao mme a ka atlholelwa tefiso e e sa feteng R5 000.
e Fa molekane wa lenyalo a ganetsa boammaaruri jwa Talaq e e sa gogelegeng morago, go ya ka Molao wa Islamo, motlhankedi yo o nyadisang a ka seke a e kwadisa go fitlhelela kgotlhang eo e rarabololwa ka tsereganyo go ya ka karolo ya 14 gongwe kgotlatshekelo go latela tumelano e e kwadilweng magareng ga balekane ba lenyalo.
f E tla re mo sebakeng sa malatsi a le 14 morago ga letlha la go kwadisiwa ga Talaq e e sa gogelegeng morago, molekane wa lenyalo o tla simolola dikgato tsa semolao kwa kgotlatshekelong e e nang le bokgoni go bona taelo e e tlhomamisang go tlhatlhamololwa ga lenyalo ka tsela ya Talaq. Kgato e e tla tsewang jalo e tla ikamanya le ditsamaiso tse di rebolwang nako le nako ke melawana e e dirang ya kgotlatshekelo. Khopi ya setifikeiti sa kwadiso ya Talaq e e sa gogelegeng morago e tla mametlelelwa mo tagafareng e e simololang kgato eo.
kopo ya kabelo go thusa mo ditshenyegelong tsa kgato eo gongwe go tsaya dikgato tseo, gongwe go dira kopo eo, ka kopo ya boitshodi, gongwe ya tirelo ya tsamaiso e e emiseditsweng, gongwe nopolo ya taelo ya mongwe yo e leng lephata la kgato eo gongwe kopo e eo; gongwe iii kopo ya tlhokomelo mo pakeng ya iddah.
Kgotlatshekelo e tshwanetse go rebola taelo ya tlhalo ka mokgwa wa Faskh ka ntlha ya lebaka lengwe le lengwe fela le le lemogwang jaaka la boammaaruri la go tlhatlhamolola manyalo ka fa tlase ga molao wa Islamo, go akarediwa mabaka a a tlhalositsweng mo tlhalosong ya Faskh mo karolong ya 1. Mosadi o tla tsaya dikgato tsa taelo ya tlhalo ka mokgwa wa Faskh mo kgotlatshekelo e e nang le bokgoni, mme tsamaiso e e dirang moo e tla nna tsamaiso e e bewang nako le nako ke melawana ya kgotlatshekelo, go akarediwa tlhokomelo ya nakwana e e maleba, e e kailweng mo karolwaneng ya 3f. Go rebolwa ga Faskh ke kgotlatshekelo, go akarediwa Faskh e e rebotsweng morago ga kopo e e dirilweng ke monna, e tla fedisa lenyalo.
Balekane ba lenyalo ba ba diragaditseng Khula ba tla tlhagelela ka sebele fa pele ga motlhankedi yo o nyadisang mme ba dira gore e kwadisiwe fa pele ga basupi ba ba nang le bokgoni ba le babedi. Motlhankedi yo o nyadisang o tla kwadisa Khula jaaka Talaq e le nngwe fela e e sa gogelegeng morago, mme mo lebakeng leo ditlamelo tsa karolwana 3f di tla dira ka diphetogo tse di tla bong di tlhokega go ya ka bokao.
Molao wa Tsereganyo mo Mererong Mengwe ya Tlhalo wa 1987 Molao wa bo24 wa 1987 le dikarolo tsa 61 le 2 tsa Molao wa Tlhalo tse di amanang le tshireletso ya katlaatlelo ya ngwana gongwe ngwana yo o sa leng mmotlana wa lenyalo le le amegang, di dira mo go tlhatlhamololweng ga lenyalo la Semoseleme ka fa tlase ga Molao ono.
i lephata le tota le thusitse, gongwe le dirile ditirelo, mo tirong gongwe mo tsamaisong ya kgwebo gongwe dikgwebo tsa lelapa mo tsamaong ya lenyalo; gongwe ii maphata a nnile le seabe, mo tsamaong ya lenyalo, mo tlhokomelong gongwe koketso ya thoto ya ona, gongwe ya mongwe fela wa ona, mo e leng gore tota ga go kgonagale gore go ka lekanyediwa ka nepo gore lephata lengwe le lengwe le nnile le seabe gongwe le abetse go le kana kang.
c e tshwanetse gore, mo ntlheng ya monna yo e leng molekane wa lenyalo mo manyalong a a fetang bongwe a Semoseleme, e ele tlhoko dintlha tsotlhe tse di maleba, go akarediwa tatelano ya manyalo, konteraka nngwe le nngwe fela, tumelano gongwe taelo e e dirilweng go ya ka karolo ya 83 le 7.
f e tshwanetse gore, fa e dira taelo ya tuelo ya tlhokomelo, go akarediwa tlhokomelo e e fetileng, e ele tlhoko dintlha tsotlhe tse di maleba; mme g e ka dira taelo ya mpho ya kagisanyo mut'ah al- Talaq mo mabakeng a a tlhalositsweng a a letlelelwang ke molao wa Islamo.
Go tsweletsa Molao ono, dingwaga tsa go nna mogolo tsa motho mongwe le mongwe di lebelelwa go ya ka Molao wa Dingwaga tsa Bogolo wa 1972 (Molao wa bo57 wa 1972).
Fa e dira taelo ya yo o tla nnang le, gongwe phitlhelelo ya ngwana yo o sa leng mmotlana, gongwe fa e dira tshwetso malebana le yo o tshwanetseng go tlhokomela bana, kgotlatshekelo, e ntse e etse tlhoko molao wa Islamo, le pegelo le dikatlenegiso tsa Mmueledi wa Lelapa, e tla ela tlhoko katlaatlelo le dikgatlhego tsa ngwana.
Go lebeletswe karolwana 1, motsadi yo o sa nneng le ngwana o tla nna le phitlhelelo e e amogelesegang ya ngwana.
Fa batsadi botlhe ba se gona, gongwe, fa ba retelelwa, ka ntlha ya mabaka mangwe fela, fela go ntse go lebeletswe karolwana 1, kgotlatshekelo, e ntse e letse tlhoko molao wa Islamo, fa e rebola taelo ya yo o tla nnang le al-hadanah gongwe yo o tla tlhokomelang al-walayah ngwana yo o sa leng mmotlana, e tla rebola taelo ya go nna le, gongwe go tlhokomela ngwana go motho yo kgotlatshekelo e mo tsayang a le maleba, mo mabakeng otlhe.
Taelo malebana le go nna le, gongwe go tlhokomela gongwe go nna le phitlhelelo ya ngwana, e e dirwang go ya ka Molao ono, e ka nna ya phimolwa gongwe ya fetolwa ka nako nngwe le nngwe, gongwe, malebana le phitlhelelo ya ngwana, ya beelwa thoko ke kgotlatshekelo fa kgotlatshekelo e fitlhela e le gore go na le mabaka a a lekaneng gore go ka dirwa jalo: Fa fela e le gore Mmueledi wa Lelapa o tsaya dikgato tsa patlisiso malebana le katlaatlelo ya bana ba ba sa leng babotlana, pele ga go dira taelo e e maleba ya phetolo, phimolo gongwe go beelwa thoko, fela jaaka go tla bo go le maleba.
Go tla dira ditlamelo tsa Molao wa Tlhokomelo wa 1998 (Molao wa bo99 wa 1988), ka diphetogo tse di tlhokegang go ya ka bokao, malebana le maikarabelo a motho mongwe le mongwe fela a go tlhokomela motho yo mongwe. Kwa ntle ga go ikgatholosa ditlamelo tsa Molao oo, ditlamelo tsa dikarolwana tsa go ya go di tla dira.
maikarabelo a monna a go tlhokomela ngwana yo o tsetsweng mo lenyalong leo a akaretsa go tlamela ka dijo, diaparo, bonno jo bo farologaneng, tlhokomelo ya kalafi le thuto.
Madi a tlhokomelo a go tla swediwang ka ona e tla nna madi a kgotlatshekelo ya tlhokomelo e tla a bonang a sa gobelele mme a siame mo mabakeng otlhe a kgetse.
Taelo ya tlhokomelo e e dirilweng go ya ka Molao ono e ka nna ya phimolwa gongwe ya fetolwa gongwe ya beelwa thoko ke kgotlatshekelo ka nako nngwe le nngwe fa kgotlatshekelo e fitlhela e le gore go na le mabaka a a lekaneng gore go ka dirwa jalo.
Madi a a saletseng kwa morago a a sa duelwang a tlhokomelo a a tshwanetseng go duelwa mme a duelwa mosadi a ka seke a phimolwa ka taolelo, go sa ikgatholosiwe ditlamelo tsa Molao wa Taolelo wa 1969 Molao wa bo68 wa 1969 gongwe molao mongwe fela.
Mo mabakeng a go na leng kgotlhang e e tlhagelelang mo tsamaong ya lenyalo la Semoseleme gongwe e e tlhagelelang ka mokgwa mongwe mo lenyalong leo, mongwe le mongwe wa maphata a lenyalo leo a ka fetisetsa kgotlhang eo, ka nako nngwe le nngwe, e ka nna pele gongwe morago ga go tsaya dikgato tsa semolao tse di kailweng mo karolong ya 9 (f) fela e le pele ga kgotlatshekelo e ka ntsha katlholo, kwa Lekgotleng la Tsereganyo le le tlhomamisitsweng jaaka go rebotswe.
Lekgotla la Tsereganyo le tla leka go rarabolola kgotlhang ka tsereganyo mo sebakeng sa malatsi a le 30 go tloga ka letlha la go fetisiwa ga morero oo. Maphata a ka nna a nna le kemedi ya moemedi yo ba mo itlhophetseng kwa tsereganyong eo.
E tla re morago ga go rarabolola kgotlhang, Lekgotla la Tsereganyo le ise tumelano ya tsereganyo kwa kgotlatshekelo mo sebakeng sa malatsi a le sup morago ga tharabololo eo mme kgotlatshekelo, fa e kgotsofetse gore dikgatlhego tsa bana ba ba ka neng ba sa le babotlana di sireleditswe ka tshwanelo, e tla tlhomamisa tumelano ya tsereganyo.
Fa Lekgotla la Tsereganyo le tlhomamisitse gore kgotlhang e sa ntse e ise e rarabologe gongwe fa kgotlhang e ntse e sa rarabologa morago ga gore malatsi a le 30 morago ga letlha la go fetisiwa ga yona a khutle, kgotlhang eo e ka atlholwa ke kgotlatshekelo go ya ka karolo ya 15.
Go ntse go na le sengwe fela se se ka neng se ganetsa se se mo Molaong wa Thuanyo wa 1965 (Molao wa bo42 wa 1965), gongwe molao mongwe fela, maphaa a a mo lenyalong la Semoseleme a ka dumelana go fetisetsa kgotlhang e e tlhagelelang mo tsamaong ya lenyalo leo gongwe e e tlhagelelang ka mokgwa mongwe mo lenyalong leo go ya kwa moruanying gore e rarabololwe ka thuanyo.
Go ntse go lebeletswe karolwana ya 4, ditlamelo tsa Molao wa Thuanyo wa 1965, di tla dira mo thuanyong e e dirilweng go ya ka karolo eno.
a tumelelo ya maphata a a mo lenyalong la Semoseleme ya go letla gore kgotlhang e rarabololwe ka thuanyo e tsewa e le tumelelo ka kitso; mme b maphata a mangwe fela a a nang le kgatlhego mo dipoelong tsa thuanyo a itsisiwe ka ga thuanyo eo.
Ga gona taelo ya thuanyo e e amang katlaatlelo ya bana ba ba sa leng babotlana gongwe maemo a motho mongwe fela e e tla dirang kwa ntle ga fa e tlhomamisitswe ke Kgotlatshekelo Kgolo morago ga kopo kwa kgotlatshekelong eo le morago ga kitsiso go maphata otlhe a a nang le dikgatlhego mo dipoelong tsa thuanyo.
d fetola taelo go ya jaaka go le maleba; gongwe e busetsa morero kwa Moruanying ka dikaelo tse di maleba.
Ga gona sepe se se mo karolwaneng ya 5 se se tla tseewang se lekanyetsa tikologo ya kgotlatshekelo ya go sekaseka taelo ya thuanyo ka fa tlase ga molao ope fela, malebana le dikgotlhang tsa dithoto tse di sa ameng ditshwanelo gongwe dikgatlhego tsa bana ba ba sa leng ba botlana.
d motho mongwe le mongwe yo o thapilweng jalo o tla nna le tshiamelo ya go ka thapiwa gape sebaka se se oketsegileng go ya fela jaaka Tona a ka bona go le matshwanedi.
Balekanyetsi ba ba thapilweng go ya ka karolo eno ba tla dira jaaka bagakolodi. Mo lebakeng le mo go lona moatlhodi wa sebaka a sa lateleng kgakololo ya molekanyetsi, molekanyetsi yoo o tla tlhagisa megopolo ya gagwe ka go e kwala, mme fa go ka nna le boikuelo, e tla neelwa Mokwadisi wa Kgotlatshekelo Kgolo ya Boikuelo e le karolo ya rekoto e e tshwanetseng go lebelelwa ke kgotlatshekelo eo.
Tshwetso nngwe le nngwe ya kgotlatshekelo e ka nna ya nna le boikuelo kwa Kgotlatshekelo Kgolo ya Boikuelo go ya ka Melawana e e dirang ya Kgotlatshekelo, le fa e le gore yo o dirang boikuelo a ka seke a patelesega go tlhagisa tuelo ya netefaletso ya ditshenyegelo tsa boikuelo.
Mo lebakeng le mo go lona go nang le boikuelo kwa Kgotlatshekelo Kgolo ya Boikuelo, tshwetso eo e tla isiwa kwa ditheong di le pedi tsa Semoseleme, tse di tlhomamisitsweng mme e bile di rebotswe, gore di neele tshwaelo e e kwadilweng malebana le dintlha tsa molao gore di tle di isiwe kwa Mokwadising wa Kgotlatshekelo Kgolo ya Boikuelo mo sebakeng sa malatsi a le somamarataro go tloga ka letlha le kitsiso ya boikuelo e isitsweng ka lona.
Kgotlatshekelo Kgolo ya Boikuelo, fa e lebelela boikuelo jo bo kailweng mo karolwaneng ya 4, e tla ela tlhoko tshwaelo e e kwadilweng e e kailweng mo karolwaneng eo.
Tona ya Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo, morago ga go batla maikutlo a Boto ya Thuso ya Molao Legal Aid Board e e tlhamilweng go ya ka karolo 2 ya Molao wa Thuso ya Molao wa 1969 Molao wa bo22 wa 1969, o tla dira tlamelo e e maleba ya gore batho ba ba humanegileng ba newe thuso ya molao.
Mo lebakeng le mo go lona molekane wa lenyalo le le ntseng le le gona la selegae a tsayang kgato ya tlhalo go ya ka Molao wa Tlhalo morago ga Molao ono o sena go simolola go dira, kgotlatshekelo ga e kitla e tlhatlhamolola lenyalo la selegae ka go rebola taelo ya tlhalo go fitlhelela kgotlatshekelo e kgotsofala gore lenyalo le le tsamayang le leo la Semoseleme le tlhatlhamolotswe.
Mo lebakeng le mo go lona monna a ganang, ka ntlha ya lebaka lengwe le lengwe fela, go goeletsa Talaq e e sa gogelegeng morago, mosadi yo o mo lenyalong leo la Semoseleme o tla nna le tshiamelo ya go dira kopo ya taelo ya Faskh go ya ka Molao ono go tsweletsa lebaka leo fela, mme mo lebakeng leo, ditlamelo tsa Molao ono di tla dira, ka diphetogo tse di tlhokegang go ya ka bokao.
Mo mabakeng a a kailweng mo karolwaneng ya 2, morero o ka busediwa kwa kgotlatshekelo gore e swetse ka ditlamorago tsa dithoto gongwe tse dingwe fela tsa lenyalo go ya ka Molao wa Tlhalo le melao mengwe e e amanang le eo ya lenyalo.
Mo mabakeng a e leng gore, mo go dimo ga lenyalo le la selegae, monna o ne a tsene mo lenyalong gongwe manyalo a mangwe a Semoseleme a a tshwanetseng go kwadisiwa ka fa tlase ga Molao ono, molekane gongwe balekane ba lenyalo ba monna ba tshwanetse go nna mmogo mo kgatong ya tlhalo e e kaiwang mo karolwaneng ya 1.
Ditlamelo tsa karolwana ya 1 di tla dira, ka diphetogo tse di ka tlhokegang go ya ka bokao, mo balekaneng ba lenyalo le le ntseng le le gona ba ba tlhophileng go amogela ditlamelo tsa Molao ono jaaka di kailwe mo karolong ya 2.
Mo lebakeng le mo go lona go tsewang dikgato ka fa tlase ga Molao ono tsa tlhomamiso gongwe thebolo ya taolo ya go tlhatlhamololwa ga lenyalo la Semoseleme gongwe namolo ya mofuta mongwe fela, mme dikgato tseo di sa ganediwe, gongwe mo lebakeng le mo go lona maphata a konoseditseng tumelano, morero o tla reediwa ke moatlhodi wa Momoseleme yo o nnang a sena balekanyetsi.
Taelo ya go tlhatlhamololwa ga lenyalo la Semoseleme e ka seke ya rebolwa gongwe go tlhomamisiwa ka fa tlase ga Molao ono kwa ntle ga fa moatlhodi wa sebaka a kgotsofetse gore go etswe tlhoko dikgatlhego tsa bana ba ba sa leng babotlana ba ba tsetsweng mo lenyalong leo.
viii morero mongwe fela o o botlhokwa gongwe o le maleba go dira tlamelo ya kwadiso e e bokgoni ya manyalo a Semoseleme gongwe tsamaiso e e bokgoni ya Molao ono; le b e e rebolang ditefo tse di duelwang malebana le kwadiso ya lenyalo la Semoseleme le go rebolwa ga setifikeiti sengwe le sengwe malebana le seo.
Molawana mongwe le mongwe o o dirilweng ka fa tlase ga karolwana ya 1 o o ka bakelang Mmuso go nna le ditshenyegelo tsa madi o tshwanetse go dirwa go batlwa maikutlo a Tona ya Ditšhelete.
Molawana mongwe le mongwe o o dirwang ka fa tlase ga karolwana ya 1 o ka dira tlamelo ya gore motho mongwe le mongwe yo o tlolang ditlamelo tsa ona gongwe a retelelwa ke go o obamela, a ka nna molato wa tlolomolao mme a ka atlholelwa tefiso gongwe go latlhelwa kwa kgolegelong sebaka se se sa feteng ngwaga.
Kgotlatshekelo e ka seke ya tlamega go dira taelo ya ditshenyegelo go lephata le le atlegileng mo kgatong ya tlhalo, fela kgotlatshekelo, e lebeletse bokgoni jwa maphata le maitsholo a ona a a maleba, e ka dira taelo e e bonang e siame, mme kgotlatshekelo e ka laela gore ditshenyegelo tsa dikgato di aroganngwe magareng ga maphata.
Mo lebakeng le mo go lona go nang le kgotlhang e e malebana le gore a lenyalo la Semoseleme le le keteketsweng kwa nageng e sele le lemogwa e le lenyalo la boammaaruri la Semoseleme kgotsa nnyaa ka fa tlase ga Molao ono, kgotlhang eo e ka swediwa ke kgotlatshekeloe lebeletse dintlha tsotlhe tse di maleba, go akarediwa dintlhatheo tsa kgotlhang ya melao.
Ka go riana melao e e totobaditsweng mo Sejuleng e baakanngwa go ya jaaka go tlhalositswe mo kholomong ya boraro ya Sejule.
Molao ono o bidiwa Molao wa manyalo a Semoseleme wa 20.., mme o simolola go dira ka letlha le le tlhomilweng ke Moporesidente ka kgoeletso mo Kaseteng.
<fn>tsn_Article_National Language Services_KHOLETèHE YA BOSIAMISI 2.txt</fn>
Fa e sale bogologolo tala Baeteledipele ba Setso dira ditiro tse di farologaneng tsa botlhokwa mo merafeng ya bona e e farologaneng. Ditlhaloso tse di mo lekwalong leno di lebeletse nngwe ya ditiro tseo: e leng tiro ya boatlhodi ya Baeteledipele ba Setso. Gompieno bontsi jwa tsamaiso ya bosiamisi kwa metsememagaeng bo dirwa ke dikgotlatshekelo tsa Baeteledipele ba Setso gongwe Dikgotlatshekelo tsa Setso. Tseno ke dikgotlatshekelo tsa Dikgosi le Dikgosana mme di tsamaisa bosiamisi di ikaegile thata ka molao wa setso. Go ya ka karolo ya 211 ya Molao wa Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, molao wa setso jaanong o lemogwa jaaka tsamaiso ya molao gammogo le molao wa boagisanyi. Seno se kaya gore dikgotlatshekelo ga di a tshwanela go lemoga bosiamisi1 jwa molao wa setso jaaka go ne go dirwa pele ga go tsenngwa tirisong ga Molao wa Molaotheo fela di tshwanetse go o dirisa fa go leng maleba le go ya ka molao o o gona le Molao wa Molaotheo. Dikgotlatshekelo tse di gona tsa setso di lemogwa go ya ka ntlha ya 16 ya sejule ya bo6 ya Molao wa Molaotheo e e dirang tlamelo ya gore kgotlatshekelo nngwe le nngwe, go akarediwa Dikgotlatshekelo tsa Setso tse di neng di ntse di le gona fa Molao wa Molaotheo o simolola go dira di tla tswelela go dira le go dirisa taolo ya ditikologo go ya ka molao o o dirang mo go tsona. Go dira ga dikgotlatshekelo tseno go laolwa ka melao e le mmalwa. Melao eno e akaretsa melao e e tserweng go tswa mo go Aforika Borwa wa pele ga Molaotheo2, dinagamagae tsa maloba le dinaga tse di ipusang3. Go tswelediwa ga melao eno ya Aforika Borwa wa maloba le o Montšhwa go laolwa ke sejule ya bo6 ya Molao wa Molaotheo wa Aforika Borwa wa bo108 wa 1996. Moporesidente wa Naga o reboletse diporofense tse di farologaneng melao eno ka kgoeletso go ya ka ntlha ya bo14 ya sejule ya bo6 ya Molao wa Molaotheo. Lebelela: Report On Traditional Courts & Judicial Functions of Traditional Leaders: letlha la 21 Ferikgong 2003: Khomišene ya Molao ya Aforika Borwa mo tsebeng ya 1.
Taolo e ka tlhalosiwa jaaka dithata le bokgoni jwa kgotlatshekelo go ka reetsa le go swetsa ka dikgotlhang magareng ga maphata a a fa pele ga yona. Graafreinet Municipality v Van Ryneveld's Pass Irrigation Board 1950 SA 420 (A). Ka jalo taolo e re bolelela ka dithata le ditekanyetso tse kgotatshekeo e nang natso. Katlholo e e dirilweng mo kgetseng e mo go yona kgotlhatshekelo e neng e sena taolo ga se ya boammaaruri mme ga e isiwe tlhogong. Go ya ka molao wa boagisanyi, mogopolo wa taolo o theilwe mo dintlhatheong le melawana e le mmalwa. MElawana eno e simologa mo molaong wa boagisanyi mme gape e ka rulaganngwa mo molaong. Sekai sa thulaganyo eo ke Molao wa Kgotlatshekelo ya Bomagiseterata.
Molawana ono ke wa botlhokwa mo melawaneng e le mmalwa e e amanang le taolo. Go ya ka molawana ono, gore kgotlhatshekelo e nne le taolo e tshwanetse go maatlafadiwa go diragatsa ditaelo tsa yona: Eckards 17. Kgotlatshekelo e tshwanetse go nna le dithata mo mothong wa moiphemedi le dithoto tsa gagwe.
Mogopolo wa tikologo o amana le tumelo ya nonofo. Taolo e lekanyeditswe go ya ka tikologo. Lebelela Polak 2. Taolo ya kgotlatshekelo e lekanyeditswe go ya ka lefelo le le rileng le le tlhalositsweng.
Fa puo eno e ranolwa ka tlhamalalo e kaya gore mongongoregi o latelelela moiphemedi go ya kwa foramong ya gagwe. Fa mongongoregi a leletsa go tsaya dikgato tsa semolao kgatlhanong le moiphemedi, mongongoregi o tshwanetse go dira jalo kwa kgotlatshekelo e e nang le taolo mo mothong wa moiphedi le dithoto tsa gagwe. Le gale go na le diphapogo mo molawaneng ono, go naya sekai: kgotlatshekelo e ka nna le taolo gone se se bakileng kgato se tlhageletse mo lefelong le le mo taolong ya yona. Malebana le Dikgotlatshekelo tsa Bomagiseterata, karolo ya 28(d) ya Molao wa Dikgotlatshekelo tsa Bomagiseterata wa bo32 wa 1944, e dira tlamelo ya gore kgotlatshekelo e nne le taolo ka ntlha ya mabaka ao, se se bakang kgato se tshwanetse go tlhagelela ka botlalo mo lefelong le kgotlatshekelo e nang le taolo mo go lona.
Ka ntlha ya melawana e e gaisanang ya taolo go na le kgonagalo ya gore dikgotlatshekelo tse di fetang bongwe di nne le taolo mo morerong o le mongwe fela. Ka ntlha ya fa mongongoregi e le dominis litis, go tewa gore o na le taolo mo kgetseng ya gagwe, o gololesegile go tlhopha gore a tseye dikgato kwa kgotlatshekelo efe. Gantsi mongongoregi o tlhopha foramo e e mo siametseng go na le e e siametseng moiphemedi.
Go swediwa ka taolo ka nako ya fa motho a neelwa tagafara mme e seng fa go ntshiwa tagafara. Fa fela kgotlatshekelo e sena go newa taolo e nna mo go yona go fitlha kgato eo e konosediwa. Standard Credit Corporation Ltd V Bester and Others 1987 SA 812(W) kwa 819. Fa kgotlatshekelo e ne e na le taolo ka nako ya fa motho a ne a neelwa tagafara gongwe ya tsamaiso ya kgotlatshekelo e go simolotsweng dikgato ka yona, go fetoga ga maemo morago ga moo go ka seke ga tseel kgotlatshekelo taolo ya yona. Sekai; kgotlatshekelo e e nang le taolo ka ntlha ya gore moiphemedi a nna mo lefelong le le mo taolong ya yona ka nako ya fa a neelwa tagafara e tla tswelela go nna le taolo mo morerong oo le fa fa e kare morago ga go neelwa tagafara, moiphemedi a seke a tlhola a nna mo lefelong leo la kgotlatshekelo.
Ke maikarabelo a motlhankedi mongwe le mongwe wa sebaka go netefatsa gore kgotlatshekelo ya gagwe e na le taolo ya go reetsa morero o o fa pele ga yona. Seno se dira bogolo segolo malebana le ditekanyatso malebana le mofuta le boleng jwa tleleimi. Go tshwanetse ga elwa tlhoko gore fa go tliwa mo dikgotlatshekelong tsa setso gona ga jaana ga go a bewa tekanyetso ya madi. Legale Porojeke e e Kgethegileng e e ka ga Molao wa Setso ya Khomišene ya Molao e atlenegisa gore go itsisiwe tekanyetso ya kobamelo e e nang le bo seng fomale le bonolo jwa Molao wa Setso.5 Mo mabakeng a mo go ona moiphemedi a tlhagelelang mo kgotlatshekelo e e senang taolo mo go ena mme a sena bothata le taolo ya kgotlatshekelo, kgotlatshekelo e tla nna le taolo ya go reetsa morero. Ka tsela eno, moiphemedi o amogetse taolo ya kgotlatshekelo. Karolo ya 281f ya Molao wa Dikgotlatshekelo tsa Bomagiseterata wa bo32 wa 1944 jaaka o tlhabolotswe. Le gale fa go sena moiphemedi yo o tlhagelelang, motlhankedi wa sebaka o na le maikarabelo wa gore ka bo ena mero motu, a ka tlhagisa ntlha ya taolo ya tikologo. Ke ka moo mo mabakeng a mo go ona moiphemedi a tlhagelelang, motlhankedi wa sebaka ga a tshwanela gore ka bo ena mero motu a tlhagise ntlha ya taolo ya tikologo. Mo mabakeng a mo go ona ntlha ya gore ga gona taolo e tlhagisiwang, gantsi maikarabelo a nna mo magetleng a mongongoregi go supa gore a mme kgotlatshekelo e na le taolo Lebelela Malherbe v Britstown Municipality 1949 1 SA 281 c, fela tsela e moiphemedi a ikuelang ka yona malebana le gore ga gona taolo ya tikologo e ka rolela maikarabelo mo moiphemeding.
Mogopolo wa taolo gape o amana le tatelano ya dikgotlatshekelo tsa Aforika Borwa ka ntlha ya gore o re itsise gore kgotlatshekelo e e riling e na le dithata le ditekanyetso dif e. Go ya fela ka taolo/dithata, kgotlatshekelo ya molao e ka nna jaaka kgotlatshekelo ya ntlha gongwe jaaka kgotlatshekelo ya boikuelo.
Kgotlatshekelo ya Molaotheo ke kgotlatshekelo e kgolo go gaisa mo nageng mo mererong yotlhe e e amanang le molaotheo S 166 & 167.
Kgotlatshekelo Kgolo ya Boikuelo ke kgotlatshekelo e kgolo go gaisa ya boikuelo mo mererong e e seng merero e e amanang le molaotheo S166 & 168.
Kgotlatshekelo Kgolo e akaretsa Kgotlatshekelo Kgolo ya Boikuelo e e tlhamilweng ka Molao wa palamente go reetsa boikuelo go tswa kwa Dikgotlatshekelong Kgolo. Di tsaya ditshwetso ka merero mengwe le mengwe fela kwa ntle ga e e beetsweng thoko go lebelelwa ke kgotlatshekelo ya molaotheo S166 & 169.
Dikgotlatshekelo tsa Bomagiseterata di ka swetsa ka morero mongwe le mongwe fela o o laowlang ke Molao wa palamente. Dikgotlatshekelo tseno di ka seke tsa batlisisa gongwe go dira taelo malebana le gore a molao mongwe o ikamanya le molaotheo gongwe maitsholo a moporesidente - S166 & 170. Dikgotlatshekelo tsa Bomagiseterata: di tsewa jaaka dibopiwa tsa molao (go tewa gore di bona dithata tsa tsona go tswa mo molaong o o di theileng, Molao wa Dikgotlatshekelo tsa Bomagiseterata wa bo32 wa 1944.) Dikgotlatshekelo tseno gape di bona dithata go tswa mo melaong e mengwe kwa ntle ga Molao wa Dikgotlatshekelo tsa Bomagiseterata. Ka jalo, kgotlatshekelo ya magiseterata ga ena dithata tse dingwe kwa ntle ga tse e di bonang go tswa mo Molaong wa Dikgotlatshekelo tsa Bomagiseterata le melao e mengwe.
Dikgotlatshekelo tsa setso di wela mo setlhopheng seno. Dikgotlatshekelo tsa Dikgosi le dikgosana di tlhamilwe le/gongwe go lemogwa go ya ka melao e e neng e ntse e le gona pele ga go tsenngwa tirisong ga Molaotheo. Sekai sa melao eo ke Molao wa Tsamaiso ya Bantsho wa bo38 wa 1927. Go ya ka ntlha ya bo2 ya sejule ya 6 ya Molao wa Molaotheo, melao yotlhe e e neng e dira pele ga go tsenngwa tirisong ga Molao wa Molaotheo, go ntse go lebeletswe Molao wa Molaotheo, e tla tswelela go dira go fitlha e tlhabololwa gongwe e phimolwa. Go ya ka Molao wa Tsamaiso ya Bantsho ga gona tatelano e e rebotsweng ya dikgotlatshekelo tsa setso. Gape ga gona tlamelo ya boikuelo go tswa kwa dikgotlatshekelo tsa Dikgosana go ya kwa dikgotlatshekelong tsa Dikgosi. Mo mererong ya bosenyi le ya selegae, boikuelo ke maikarabelo a Dikgotlatshekelo tsa Bomagiseterata. Lebelela Report On Traditional Courts & Judicial Functions of Traditional Leaders: letlha la 21 Ferikgong 2003: Khomišene ya Molao ya Aforika Borwa mo tsebeng ya 4, le karolo 12 & 20 ya Molao wa Tsamaiso ya Bantsho. Mo merafeng mengwe, go sa ntse go dirisiwa mokgwa wa gore dingongorego le ditleleimi di simolole kwa lekgotleng la selegae mme e re fa go sena tharabololo di fetele kwa kgosaneng mme la bofelo di fetele kwa Kgosing. Go tswa kwa Kgosing, boikuelo bo fetela kwa Kgotlatshekelo ya ga Magiseterata.
Pele ga go tsenngwa tirisong ga Molao wa Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa bo108 wa 1996, molaotheo le taolo ya dikgotlatshekelo tse di kgethegileng tsa bantsho mo Aforika Borwa di ne di tsamaisiwa go ya ka Molao wa Tsamaiso ya Bantsho wa bo38 wa 1927 - Seymour's Customary law In Southern Africa ka JC Bekker 7.
Dikgotlatshekelo tsa Dikgosi le Dikgosana, dikgotlatshekelo tsa Bokomisinara le Dikgotlatshekelo tsa Boikuelo jwa Dikgotlatshekelo tsa Bokomisinara e ne e le dikgotlatshekelo tse di kgethegileng tsa bantsho. Ka ngwaga wa 1986, go latela dikatlenegiso tsa Khomišene ya ga Hoexter ya Dipatlisiso tsa Popegotheo le tiro ya dikgotlatshekelo kwa Dikgotlatshekelo tsa Bokomisinara le Dikgotlatshekelo tsa Boikuelo jwa Dikgotlatshekelo tsa Bokomisinara di ne tsa khutlisiwa.6 Taolo ya dikgotlatshekelo tseno e ne ya fetisediwa kwa dikgotlatshekelong tsa bomagiseterata. Go tloga ka nako eo, dikgetse tse di magareng ga bantsho di ne tsa reediwa ke dikgotlatshekelo tsa bomagiseterata go ya ka taolo ya tsona e e tlwaelegileng. Dikgotlatshekelo tsa Bomagiseterata jaanong di ne di ka dirisa molao wa setso mo dikgotlhannyeng magareng ga bantsho. Go ya ka karolo 1 ya Molao o o Tlhabolotsweng wa Bosupi wa 1988, Dikgotlatshekelo tsa Bomagiseterata din e di ka lemoga bosiamisi jwa molao wa setso. Ka nako eo molao wa setso o ne o ise o lemogwe jaaka tsamaiso ya molao e e ka dirisediwang gongwe le e mengwe mo Rephaboliking ya Aforika Borwa. Molao wa naga o ne o sa tseye tsia dikgato tse di neng di tlhagelela go tswa mo ditirisanong tsa molao wa setso. (Seymour 7) Mo dikgatong tse din eng di akaretsa montsho le motho yo e seng montsho go ne go dirisiwa fela molao wa boagisanyi. Sekai ke moo Sipho, yo e leng monna wa montsho yo o nyetseng mosadi wa gagwe Sibongile ka lenyalo la setso, a neng a tsaya kgato kgatlhanong le Kobus yo e seng montsho ka ntlha ya boaka. Go ne go tla dirisiwa molao wa boagisanyi ka ntlha ya gore Kobus yo e seng montsho o teng moo jaaka molatofadiwa. Fa go ne go dirisiwa molao wa boagisanyi, Sipho o ne a tla bo a tsewa jaaka motho yo o sa nyalang mme ka jalo a sena lebaka la boammaaruri la go tsaya kgato gonne lenyalo la setso le ne le sa tsewe e le lenyalo.
Go ya ka karolo 12 ya Molao wa Tsamaiso ya Bantsho wa 1927 Tona e ka naya Dikgosi, Dikgosana le Bathusi ba Dikgosi taolelo ya go reetsa dikgetse tsa selegae. S12 E BUISEGA JAANA "Tona e ka - (a) Laolela kgosi gongwe kgosana nngwe le nngwe e e lemogwang gongwe e thapilwe ka fa tlase ga karolwana ya gongwe ya karolo ya bobedi go reetsa le go swetsa ka ditleleimi tsa selegae tse di tlhagelelang mo molaong le setsong sa Bantsho tse di tlisitsweng fa pele ga gagwe ke Bantsho kgatlhanong le bantsho ba ba nnang mo lefelong le a nang le taolo ya lona (b) Ka kopo ya kgosi nngwe le nngwe fela gongwe kgosana e e neilweng taolo go ya ka temana ya (a), e ka laolela mothusi wa kgosi eo go reetsa le go swetsa ka ditleleimi tsa selegae tse di tlhagelelang mo molaong le setso sa Bantsho tse di tlisitsweng fa pele ga gagwe ke moagi wa montsho kgatlhanong le moagi yo mongwe wa montsho mo lefelong le le mo taolong ya kgosi eo, FA FELA E LE GORE kgosi ya Montsho, kgosana gongwe mothusi wa kgosi a ka seke a nne le dithata ka fa tlase ga karolo eno gongwe molao mongwe fela, tsa go swetsa ka go seng boammaaruri, tlhalo le karogano e e tlhagelelang mo lenyalong". Ditlamelo tse di tshwanang le tseo di fitlhelwa kwa melaong ya Transkei (Melao ya bo13/1982 le 6/1983), Ciskei (Molao wa bo37 wa 1984), Bophuthatswana (Molao wa bo29 wa 1979), Kwandebele (Molao wa bo3 wa 1984) - Lebelela Bennett 76 ka dipaakanyo dingwe mo ntlheng ya taolo le tsamaiso.
Melawana ya dikgotlatshekelo tsa setso e fitlhelwa mo go GN R2082 ya letlha la 29 Sedimonthole 1967.
Go ya ka karolo ya 12 (a) le (b) pele ga kgosi, kgosana gongwe mothusi a ka nna le dithata tsa go reetsa le go swetsa ka dikgotlhang tsa selegae, go tshwanetse go fitlhelelwa ditlhokego tse di latelang.
Taolelo ka Tona Karolo ya 12 . Lebelela 1.5.
Kgosi, kgosana gongwe mothusi a ka reetsa dikgotlhang magareng ga bantsho fela. Montsho o tlhalosiwa mo K35 ya Molao wa Tsamaiso ya Bantsho wa bo38 wa 1927 jaana: "Fa go buiwa ka montsho go tla akarediwa motho mongwe le mongwe fela yo e leng tokololo ya Morafe wa tlholego mo Aforika". Lotso ke ntlha ya botlhokwa tota mo go swetseng ka taolo ya dikgotlatshekelo tsa setso.
Fa go lebelelwa ditlamelo tsa tekatekano mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo, potso e nna gore a mme seno ga se go tlhaola. Go ya ka TW Bennet 77 seno ke tekanyetso e e amogelesegang le e e ka tlhalosegang mo tshwanelong ya go se tlhaolwe. (Lebelela gape K 36 ya Molaotheo.) "Ga gona pelaelo epe gore dikgotlatshekelo tsa setso di na le mosola o o kgethegileng mo Bantshong, ba e leng gore ka ntlha ya mabaka a ditšhelete le thuto gab a kgone go fitlhelela dikgotlatshekelo tsa bomagiseterata gongwe dikgotlatshekelo kgolo", mme ka jalo e le kgato e e kgethegileng e e welang ka fa tlase ga Karolo ya 8 (a) Molao wa Molaotheo wa Nakwana. (Karolo ya 9 ya Molao wa Molaotheo o Montšhwa) TW Bennet 77. Mo Bangidawo & others v Head of the Nyanda Regional Authority & another 1998 SA 263 (Tk) go ne ga swediwa ka gore le fa ditlhokego tsa bosemorafe di gataka ditshwanelo tsa tekatekano fa pele ga molao, ke tekanyetso e e ka tlhalosegang. Kgotlatshekelo mo kgetseng ya Mlheka & Feni v Head of the Western Tembuland Regional Authority & another 2001 SA 574(Tk) ka dintlha tse di tshwanang le tseo, e fitlhetse gore kgatako eo ga se e e ka tlhalosegang. Le gale khomišene ya molao, mo Pampiri ya Dipuisano ka ga dikgotlatshekelo tsa Setso, mo temaneng ya 6.2.2, e atlenegisa gore go phimolwe ditlamelo tsotlhe tse di tlhaolang mo Molaong wa Tsamaiso ya Bantsho le gore taolo e tshwanetse go ikaega fela ka mofuta wa tleleimi, bonno le tirisego ya molao wa setso.
Mafoko a a mo karolong ya 12 (a) le (b) "monni wa montsho kgatlhanong le montsho mo tikologong e e mo taolong ya kgosi eo" fa a ranolwa ka tlhamalalo e kete a kaya gore, gore kgosi e ka nna le taolo mo morerong wa selegae go tshwanetse gore mongongoregi le moiphemedi ba bo ba nna mo tikologong e e mo taolong ya kgosi. Go ya ka Seymour mo tsebeng ya 15, go nna fela ga moiphemedi mo tikologong e kgosi e nang le taolo ya yona go lekane go naya kgosi taolo ya go reetsa kgetse eo ya selegae. Mo Exparte Minister of Native Affairs go ne ga swediwa ka gore bonno ke lereo la setegeniki la molao wa boagisanyi mme le tshwanetse go ranolwa go ya ka molao wa boagisanyi. Bonno ga bo a tshwanela go akaretsa bonno jwa semmuso jwa motho mme go tshwanetse ga nna le pharologano magareng ga tse pedi tseno. Bonn obo kaya lefelo fela le motho a nnang kwa go lona. Motho a ka nna le mafelo a feta bongwe a a nnang kwa go ona. (Seymour 15) Mo mabakeng a a jalo o tsewa a nna kwa lefelong le a nnang kwa go lona ka nako ya fa go ntshiwa tagafara (Seymour 15). Ga go ise go laelwe gore go tlhokega gore motho a bo nna sebaka se se kae kwa lefelong gore le tsewe jaaka bonno. Le gale, go ka seke ga twe motho o nna kwa lefelong fa e le gore motho o etetse lefelo leo nakwana fela gonne go tlhokega gore a bo a nna sebakanyana. (Seymour 15) Bonno jwa semmuso jwa motho ke lefelo le go tsewang gore motho o teng le fa tota a seyo kwa go lona. DSP Cronje and J Heaton7 o tlhalosa bonno jwa semmuso jwa motho jaaka "lefelo le motho a tsewang gore o teng kwa go lona gore go tswelediwe ditshwanelo tsa gagwe le gore a diragatse maikarabelo a gagwe le fa tota a ka ne a seyo". Motho a ka nna le bonno bo le bongwe fela jwa semmuso ka nako.8 Moiphemedi yo e seng moagi a ka fetisetsa taolelo mo kgotlatshekelong ka go dira tlhagiso mo taolong ya kgotlatshekelo.
Taolo ya kgosi gongwe kgosana e lekanyeditswe fela mo ditleleiming tse di tlhagelelang go tswa mo molaong wa setso gongwe setso. Kgosi gongwe kgosana ga e na dithata tsa go reetsa dikgetse tse di tlhagelelang go tswa mo molaong wa boagisanyi. Tlamelo ya Karolo 12 ya Molao wa Tsamaiso ya Bantsho o totobetse ka go se akaretse taolo ya kgosi, kgosana gongwe mothusi mo mererong e e akaretsang bo seng boammaaruri, tlhalo gongwe karogano ya mo lenyalong. Ka ntlha ya fa go ya ka Molao wa Temogo ya Manyalo a Setso, lenyalo la setso le newa maemo a a tshwanang le a lenyalo la molao wa selegae mme le ka khutlisiwa fela ka tlhalo, go khutlisiwa ga lenyalo la setso le gona go kwa ntle ga taolo ya dikgotlatshekelo tsa setso.10 Le gale Dikgotlatshekelo tsa Setso di sa ntse di ka nna tsa tseregany fa go na le dikgotlhang tsa manyalo pele ga tlhalo.11 Di tswelela go nna le taolo ya ditleleimi tse di amanang le lenyalo, sekai, tleleimi ya bo busediwa bogadi, ditleleimi tsa ditshenyegelo tsa boaka mo e leng gore molao wa boagisanyi ga o dire gona. Lebelela Pegelo ya Khomišene ya Molao ya Aforiak Borwa malebana le kgotlhang ya melao ya Lwetse 1999 (SA Law Commission report on conflict of laws September 1999) tsebe ya 2, Lebelela gape S211 ya Molao wa Molaotheo le K1 ya Molao o o Tlhabolotsweng wa Molao wa Bosupi wa bo45 wa 1988. Karolo 12 e thibela dikgotlatshekelo tsa setso mo go reetseng dikgetse tsa selegae tse di tlhagelelang go tswa mo molaong wa boagisanyi. Mo go Ngwenya v Mavana12 go ne ga swediwa gore ka ntlha ya fa molao wa boagisanyi o ne o dira mo tleleiming ya boaka, dikgotlatshekelo tsa setso ga din a taolo ya go reetsa kgetse. Mo kgetseng ya Nkosi v Mdhladhla13 e e neng e akaretsa tleleimi ya ditshenyegelo tsa petelelo, kgotlatshekelo ya boikuelo e sweditse ka gore ka ntlha ya fa molao wa boagisanyi o letlelela fela dikgato tsa bosenyi mo mabakeng a a jalo, kgotlatshekelo ya setso ga e na taolelo. Le gale, mo mabakeng a mo go ona ditsamaiso tsotlhe tsa molao di nang le tlamelo ya paakanyo, taolo ya kgotlatshekelo e ne ya tlhomamisiwa. Lebelela Cebekulu v Shandu.14 Lebelela Pegelo ya Khomišene ya Molao ya Aforiak Borwa malebana le kgotlhang ya melao ya Lwetse 1999 (SA Law Commission report on conflict of laws September 1999) mo tsebeng ya 47 fn27.
Baeteledipele ba Setso ban a le bokgoni jwa go sekisetsa melatso mengwe ya molao wa boagisanyi gongwe molao wa setso, fa fela e le gore molatofadiwa le mongongoregi ke bantsho. Fa ba diragatsa taolo ya bona mo bosenying K 20 (a) e naya Dikgotlatshekelo tsa Setso dithata tsa go dirisa molao wa setso le molao wa boagisanyi. Lebelela Pegelo ya Khomišene ya Molao ya Aforiak Borwa malebana le kgotlhang ya melao ya Lwetse 1999 (SA Law Commission report on conflict of laws September 1999) mo tsebeng ya 44 & 48. Mo ditleleiming tsa thaelo taelo ya ditshenyegelo e tshwanetse go nna go ya ka setso sa morafe. Lebelela Mkombo v Mathungu15. Go ne ga swediwa gore ditleleimi tsa bogadi tse di duelwang malebana le lenyalo la selegae morago ga tlhalo, ke tleleimi e e tlhagelelang go tswa mo molaong wa setso le setso.
Go ya ka karolo 21A ya Molao wa Tsamaiso ya Bantsho, Tona o na le dithata tsa gore morago ga go batla maikutlo a lekgotla la baagi le le tlhamilweng go ya ka karolo 2 ya Molao wa Makgotla a Baagi wa bo125 wa 1977, a fetisetse taolo ya selegae gongwe bosenyi e e tshwanang le e e fetiseditsweng kwa kgosing gongwe kgosana go ya ka karolo 12 le 20 ya Molao wa bo38 wa 1927, go Montsho malebana le lefelo gongwe karolo ya lefelo la lekgotla le le amegang fela jaaka tona a ka swetsa. Go ya ka karolo ya 2 ya Molao wa Makgotla a Baagi wa bo125 wa 1977, mo mabakeng ao, ditlamelo tsa karolo 12 le 20 di tla dira mo Montshong oo ka dipaakanyo le diphetolo fela jaaka Tona o tla bo a sweditswe mo Kaseteng ya Puso. Le gale ditlamelo tseno ga di ise di ke di diragadiwe - (Lebelela Seymour ts.18 go bona mabaka).
Mongongoregi yo o eletsang go tsaya kgato kgatlhanong le moiphemedi o ya kwa lefelong la moiphemedi a na le dipaki tsa gagwe, bagakolodi, batshegedi le mongwe fela yo mongongoregi a tsayang gore o a tlhokega. Fa ba goroga, sebueledi se tlhagisa kgetse ya mongongoregi mo moiphemeding. Moiphemedi yo o neng a sa ipaakanyetsa ketelo eo ga a patelesege go tsibogela tatofatso eo ka nako eo. A ka raya mongongoregi le lekoko la gagwe a re ba boe ka letsatsi le nako e e tla bewang. Mosola wa kgato ya ntlha mo moiphemeding ke gore o tla bo a na le kitso e e tletseng malebana le mofuta le maatla a kgetse ya mongongoregi.
Ka letsatsi le le beilweng, mongongoregi o tlhagisa kgetse ya gagwe gape fa pele ga moiphemedi le bagakolodi ba gagwe. Go bidiwa dipaki go tswa mo maphateng otlhe. Le fa go sena motsereganyi mo morerong ono, morero ono o na le bosiamisinyana (quasi-judicial) mme go samaganwa le dintlha tsotlhe go tswa dintlheng tse di farologaneng.17 Tsamaiso eno e bidiwa go "tsaya kgato" mme e tsewa e le kgato ya ntlha ya go tsaya kgato ya semolao. Mo legatong leno, fa moiphemedi a sena go lemoga maatla a kgetse ya mongongoregi a ka amogela molato mme mo mabakeng ao, go tsewa gore ngongorego ya mongongoregi e netefaditswe. Jaanong go ka lebelelwa ntlha ya go duelwa. Mongongoregi le ena e kare fa a lemoga maatla a phemelo ya moiphemedi, a swetsa gore go tla bo go se mosola ope go tswelela ka kgetse eo go ya pele. Legato leno le tshwantshanngwan le le le bidiwang "litis contestation" (go tswalelwa ga boikuelo).
Moo moiphemedi a emeng ka la gagwe mme mongongoregi a eletsa go fetisetsa morero kwa pele, a ka gogela morago lephata la gagwe mme a fetisetsa morero oo ka boikuelo kwa kgosaneng e e laoletsweng gongwe e e sa laolelwang mo otong gongwe kgaolong.19 Kgosana e e senang taolelo ga e na dithata tsa go pateletsa moiphemedi go nna gona gongwe go diragatsa katlholo. Fa moiphemedi a amogela molato kwa foramong ya Kgosana e e senang taolelo mme a gana go duela, mongongoregi a ka tsaya dikgato kwa Kgotlatshekelo ya Kgosi mme moiphemedi o tla tlamiwa ke tumelo ya gagwe.20 Fa lephata lengwe le sa kgotsofadiwa ke tshwetso ya Kgosana le ka fetisetsa morero kwa Kgotlatshekelong ya Kgosi. Katlholo ya Kgotlatshekelo ya Kgosi gongwe Kgotlatshekelo ya Kgosana e e nang le taolelo e a tlama mme e tshwanetse go diragadiwa.21 Go na le go tsaya dikgato kwa Kgotlatshekelo ya Kgosana, lephata le ka tswelela go tsaya dikgato ka tlhamalalo kwa kgotlatshekelo e e nang le bokgoni le bokgoni, e leng kgotlatshekelo ya Kgosana e e nang le taolelo, Kgosi tota le Kgotlatshekelo ya Magiseterata.22 Kgosi e ka beela thoko katlholo ya Kgosana mme Kgosikgolo e ka beela thoko katlholo ya Kgosi.
Mosupi o tlhagisa letlhakore la gagwe kwa ntle ga kgoreletso. Lephata gongwe tokololo nngwe fela ya Kgotla ya Kgosi gongwe tokololo ya Morafe e e gona e ka botsolotsa mosupi dipotso. Tsamaiso eno e diragadiwa ka tsela e e seriti le e e rulaganeng kwa ntle ga tekanyetso malebana le mokgwa wa go itlhalosa.
Morago ga go reetsa bosupi jotlhe le ditlhagiso tsa mongwe le mongwe yo o leng gona, Kgosi, ka thuso ya Balekgotla ba gagwe, o tsaya tshwetso go ya ka molao wa setso le tlhaloganyo ya gagwe. Fa e le gore tshwetso eo ga e ise e dirwe pele ga moo, jaanong e tla nna yona mosupatsela.23 Tsamaiso eno e akaretsa diphitlhelelo tsa dintlha le go dirisiwa ga molao mo dintlheng.
Kgosi gongwe Kgosana e e okameng kgotlatshekelo ya setso e thaya Kgotlatshekelo ya Setso. Katlholo ya motlhankedi yoo wa sebaka ke ya makgaolakgang go ntse go lebeletswe tshwanelo ya go ikuela mme ka jalo go nna le se se bidiwang res judicata - Tsautsi v Nene.24 Lefoko la 'katlholo' le kaya taelo ya kgotlatshekelo le mabaka a taelo eo. Le fa go sa tlhokege gore mabaka a tlhagisiwe ka nako e le nngwe fela le fa go dirwa taelo, tsamaiso ya mabaka a taelo eo e tshwanetse go sedifala mo mogopolong wa kgotlatshekelo pele ga taelo e ka dirwa. Fa katlholo e setse e rebotswe, Kgosi gongwe Kgosana gongwe Mothusi e nna functus officio. Katlholo ya Kgosi e ka nna ya tlogelwa. Bokao jwa tlogelo eo e nna e kete kgato eo e tsholotswe - Komani v Qabongwana25. Kgosi gongwe Kgosana e na le maikarabelo a taelo26 go kwadisa rekoto ya katlholo ya gagwe kwa Kantorong ya Magiseterata mo sebakeng sa dikgwedi di le pedi morago ga katlholo - Dikarolo tsa 6 & 7 GN R2082 ya 1967. Fa kgosi e sa dire gore katlholo e kwadisiwe mme e felelwa ke nako, ena ka sebele o rwala maikarabelo a ditshenyegelo tse di itemogetsweng ke maphata ao ka ntlha ya phoso ya gagwe. - Seymour 17 le Bhengu v Mpungose27. Katlholo ya kgosi gongwe kgosana jaaka e rekotilwe le go kwadisiwa, e tsewa e siame go fitlhelela e ka gwetlhiwa le go baakanngwa. Fa go siama ga rekoto go gwetlhiwa, lephata le lengwe le kgosi e e amegang, ba tshwanetse go newa kitsiso - Kunene v Mandoda28.
Lereo la 'tiragatso' le kaya tsamaiso e mo go yona motseisamolato yo o atlholetsweng a batlang go kgotsofala malebana le molato o o atlholetsweng. Go tshwanetse ga latelwa tsamaiso ya tiragatso ya setso - Lebelela: K1 ya GN R2802 ya 1967. Katlholo ya kgotlatshekelo ya setso e diragadiwa ka go thopa dithoto tsa motsayamolato ke morongwa wa kgosi. Fa go thopiwa go dirwa go ya ka setso ga gona thoto epe e e sa akarediweng mo thopong.29 Fa morongwa wa kgosi a ka dipelwa, motseisamolato yo o atlholetsweng a ka bona namolo ya tsamaiso kwa kgotlatshekelong ya magiseterata, mme e rebole taelo ya tiragatso - Lebelela K8 ya GN 2802 ya 1967. Kgosi e e dumelang gore e dirile gore go nne le thopo e ntse e na le kitso ya gore thoto e e thopilweng ke ya motho wa boraro, o rwala maikarabelo a go busetsa dithoto tseo ka sebele - Khanyile v Khanyile30. Fa kgomo ya motho wa boraro fela e thopiwa ke Morongwa wa Kgosi, motho yoo o na le tshiamelo ya go e batla kwa e gona le fa e ka tswa e rekiseditswe mongwe fela - Hlatshwayo v Hlongwane31. Go ya ka Molawana wa 8 wa GN R2082 ya 1967, ditsamaiso tsa boikuelo (tleleimi ya motho wa boraro) di tshwanetse go reediwa ke Kgosi e e rebotseng katlholo gongwe motlhatlhami wa gagwe. Go tlhoka go obamela ditsamaiso tsa setso go ka baka gore go nne le ditleleimi tsa ditshenyegelo - Ndlovu v Thabethe & Others.32 Kgosi ga se moemedi wa ope, mme ka jalo, tuelo e e yang kwa Kgosing, kwa ntle ga fa e le ka taolelo ya motseisamolato yo o atlholetsweng, ga e phimole molato - Majozi v Majozi.
Boikuelo le tshekatsheko gape ke ditsamaiso tse di ka dirisiwang go gwetlha katlholo ya kgotlatshekelo e e kwa tlase gore go baakanngwe katlholo gongwe e beelwe thoko.34 Le gale nngwe le nngwe ya ditsamaiso e maleba mo mabakeng a a rileng fela. Mabaka a ngongorego ke ona a laolang gore ke tsamaiso efe e e maleba.35 Fa ngongorego e ikaegile ka phoso ya botlhaswa jo bo boitshegang jwa thulaganyo gongwe go se nneng mo molaong mo tsamaong ya ditsamiso, tsamaiso ya tshekatsheko gape e nna maleba.36 Mabaka a botlhaswa jo bo boitshegang jwa thulaganyo a akaretsa go ikgatholosa melawana ya bosiamisi jwa tlholego. Go naya sekai, go retelelwa ke go obamela molao wa go reetsa matlhakore otlhe (audi alteram partem). Go ya ka molawana ono, kgotlatshekelo e tshwanetse go reetsa maphata otlhe pele ga e ka tsaya tshwetso. Go retelelwa ke go dira jalo go baka botlhaswa jo bo boitshegang jwa thulaganyo. Le gale mo mabakeng a mo go ona ngongorego e ikaegileng ka moo kgotlatshekelo e boneng mabaka ka gona gore e fitlhelele tshwetso, boikuelo bo maleba.37 Gantsi boikuelo bo akaretsa fela rekoto ya ditsamaiso fa tshekatsheko gape yona e ka thewa mo dingongoregong tse dingwe kwa ntle ga rekoto.
Le gale go na le mabaka mangwe a mo go ona nngwe fela ya ditsamaiso tse pedi e ka nnang maleba. Sekai kef a motlhankedi wa sebaka a dumetse bosupi jo bo sa dumelesegeng mme bosupi jo bo sa dumelesegeng bo tlhagelela mo rekotong. Mo lebakeng leno tshekatsheko gape gongwe boikuelo di ka nna maleba tsotlhe.
Potso ya gore a dikgotlatshekelo tsa bomagiseterata di na le dithata tse di fetang tsa dikgotlatshekelo tsa setso. Dikgotlatshekelo tsa bokomisinara tse di emiseditsweng ke dikgotlatshekelo tsa bomagiseterata di ne din a le dithata tsa boikuelo fela tse di fetang tsa dikgotlatshekelo tsa setso - Latha v Latha & Another.39 Mo Bhulose v Bhulose40 go ne ga swediwa ka gore Kgotlatshekelo ya Komisinara e ne e sena dithata tsa tshekotsheko gape ya dikatlholo tsa Dikgotlatshekelo tsa Setso. Karolo 12 ya Molao wa Tsamaiso ya Bantsho le Karolo ya 29A ya Molao wa kgotlatshekelo ya Bomagiseterata o naya kgotlatshekelo ya bomagiseterata dithata tse di totobetseng tsa go reetsa boikuelo go tswa kwa dikgotlatshekelong tsa setso fela dikarolo ka bobedi ga di bue sepe ka tshekatsheko gape. Kgotlatshekelo ya Magiseterata ke sebopiwa sa molao se se se nang taolo epe e e fetang e e rebolwang ke Molao wa Kgotlatshekelo ya Bomagiseterata le melao e mengwe. Go lebega fa go sena tlamelo epe ya molao e e nayang kgotlatshekelo ya magiseterata dithata tsa go reetsa ditsheketsheko tsa selegae tse di tswang kwa Dikgotlatshekelong tsa Setso. Le gale go ya ka karolo ya 35 , molatofadiwa mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go nna le tsheko e e sa tseyeng letlhakore e e akaretsang tshwanelo ya go dira boikuelo gongwe tshekatsheko kwa Kgotlatshekelo Kgolo. Go lebega e kete karolo eno e naya Dikgotlatshekelo tsa Bomagiseterata dithata tsa go sekaseka gape dikatlholo tsa kgotlatshekelo ya setso. Le gale fa go buiwa ka "molatofadiwa mongwe le mongwe" mo karolong eno e kete karolo eno e maleba fela mo dikgetseng tsa bosenyi. Le gale go tshwanetse ga elwa tlhoko gore fa Kgotlatshekelo ya magiseterata e reetsa boikuelo go tswa kwa kgotlatshekelo ya setso e nna le dithata tse di atologile tsa go tlhomamisa, go baakanya gongwe go beela thoko tshwetso ya Kgotlatshekelo ya Setso morago ga go reetsa bosupi jo bo tlhagisitsweng mo boemong jwa maphata goongwe bosupi bongwe le bongwe fela jo kgotlatshekelo e bonang bo le botlhokwa. Gape Kgotlatshekelo ya Magiseterata e na le dithata tsa go atolosa dipeelo tsa nako tse di rebotsweng mo Melawaneng ya Kgotlatshekelo ya Dikgosi le Dikgosana ya R2082 ya 1967. Go lebega e kete boikuelo jwa kwa kgotlatshekelo ya magiseterata gab o felele fela ka rekoto mme ka jalo bosupi bongwe le bongwe jo bo malebana le go se latele thulaganyo, bo ka neb o tlhagelela mo rekotong gongwe nnyaa, bo ka reediwa. Seno se bonala e kete se dira gore go se nne botlhokwa go farologanya magareng ga boikuelo le tshekatsheko malebana le go bona tshiamiso go tswa mo katlholong ya Kgotlatshekelo ya Setso kwa Kgotlatshekelong ya Magiseterata. Ka ntlha ya fa theetso ya boikuelo e le tshekiso gape, tota ga go botlhokwa gore go akanngwe ka go lebelela tshekatsheko gape jaaka tsela e nngwe.
Katlholo ya Kgosi gongwe Kgosana e ka direlwa boikuelo kwa Kgotlatshekelo ya Magiseterata e e nang le taolo - karolo ya 12 e buisiwa le karolo ya 29A ya Molao wa Dikgotlatshekelo tsa Bomagiseterata wa bo32 wa 1944. Kgotlatshekelo ya Magiseterata e e nang le taolo ke Kgotlatshekelo ya Magiseterata e e neng e tla bo e na le taolo ya go reetsa kgetse kwa tshimologong. Seno se kaya Kgotlatshekelo ya Magiseterata e e nang le taolo e e tsamayang mmogo le Kgotlatshekelo ya Setso e e kaiwang.41 Go ka dirwa boikuelo kgatlhanong le katlholo ya Kgotlatshekelo ya Setso kwa Kgotlatshekelong ya Magiseterata le fa tota e sena bokao jwa katlholo ya makgaolakgang. - Ntshabala v Piti.42 Maphata a a mo temeng ya Boikuelo a tshwanetse go bidiwa mongongoregi le moiphemedi mme e seng moikuedi le motsibogi, - Dlamini v Sibisi.43 Boikuelo bo felela ka dintlha tse di tlhagisitsweng ke maphata mo rekotong. Katlholo ya Kgotlatshekelo ya Setso ke ya makgaolakgang (res judicata) fa fela e ka seke ya nna le boikuelo.44 Ka jalo mo mabakeng a mo go ona mongongoregi a dirileng tleleimi ya dikgomo di le 19 mme kgosi e rebotse katlholo ya dikgomo di le nne fela mme Mongongoregi a dira boikuelo kgatlhanong le katlholo, ga go letlelesege gore kgotlatshekelo ya boikuelo e tseye tshwetso e e siametseng moiphemedi (go tewa ka go tsholola kgetse ya mongongoregi) fa moiphemedi a sa tsenya boikuelo le ena. Mo mabakeng a mo go ona tshwetso e e siametseng moiphemedi e na le mabaka a a utlwalang, kgotlatshekelo ya boikuelo e ka tsholola boikuelo gore katlholo ya Kgotlatshekelo ya Setso e tswelele go dira. - Mthetwa v Mthetwa.45 Boikuelo bo tshwanetse go itsisiwe mo sebakeng sa dikgwedi di le pedi morago ga katlholo - Molawana 9 Melawana ya Dikgotlatshekelo tsa Dikgosi le Dikgosana R2082 wa 1967. Le gale paka eno e ka atolosiwa ke Magiseterata ka lebaka le le siameng le le bontshitsweng. - Molawana wa 9 . Fa fela go sena go itsisiwe boikuelo, tiragatso ya katlholo e beelwa thoko ka boitiriso go fitlhelela go sena go swediwa ka boikuelo gongwe bo felelwa ke nako gongwe bo gogelwa morago. - Molawana 8 . Lephata le e leng karolo ya tsamaiso ga le latlhegelwe ke tshwanelo ya lona ya go ikuela kwa Kgotlatshekelong ya Magiseterata ka ntlha ya go kgotsofatsa gongwe go ithaopa go kgotsofatsa katlholo ya Kgotlatshekelo ya Kgosi ka bontlhabongwe gongwe ka botlalo gongwe ka go amogela tshiamelo go ya ka katlholo eo. - Molawana wa 9 . Moiphemedi yo o dirang boikuelo a ka tlhagisa tleleimi e e ganetsang e nngwe le fa a ne a sa e tlhagisa kwa tshimologong ya tsamaiso. - Molawana wa 12 wa Melawana ya Dikgotlatshekelo tsa Dikgosi le Dikgosana R2082 wa 1967. Go tlhagisiwa gore molawana ono o ultra vires. Seymour 332 fn 166. Fa boikuelo bo itsisitswe bo felelwa ke nako ka boitiriso fa katlholo e go ikuelwang kgatlhanong nayo e felelwa ke nako go ya ka molawana wa 7 . Go ya ka 7 , katlholo ya Kgotlatshekelo ya Dikgosi e felelwa ke nako fa e sa kwadisiwe le tlelereke ya Kgotlatshekelo ya Magiseterata mo sebakeng sa dikgwedi di le pedi morago ga letlha la go rebola katlholo jaaka go tlhokega go ya ka molawana wa 7 . Katlholo e e feletsweng ke nako e tshwana fela le katlholo e e seyong mme e bile go ka seke ga ikuelwa kgatlhanong nayo - Sabelo v Njilo.46 Boikuelo ga bo a tshwanela go itsisiwe katlhanong le katlholo ya go se obamele taelo e e rebotsweng ke kgotlatshekelo ya setso go fitlhelela go ganelwa kopo ya go gogelwa morago ga katlholo - Molawana 9 . Melawana ya Dikgotlatshekelo tsa Dikgosi le Dikgosana wa R2082 wa 1967. Go bona ditsamaiso tsa go dira boikuelo, lebelela Molawna wa 10 - 13 wa Melawana ya Kgotlatshekelo ya Selegae ya Dikgosi le Batlotlegi (Kwazulu Natal GN 12 ya 1992). Go ya ka karolo ya 12 ya Molao wa bo38 wa 1927. Fa bo setse go itsisitswe boikuelo, motlhankedi wa sebaka wa Kgotlatshekelo ya Setso o patelesega go tlamela kgotlatshekelo e e reeditseng boikuelo ka mabaka a katlholo ya gagwe mo sebakeng sa malatsi a le somenne morago ga go itsisiwe ka boikuelo. Fa mabaka a sa kwalwa a tla fetolelwa mo mokwalong ke tlelereke ya kgotlatshekelo. Mabaka ao e tla nna karolo ya rekoto mo boikuelong. Fa go ka diragala gore motlhankedi wa sebaka wa Kgotlatshekelo ya Setso a retelelwe ke go tlamela ka mabaka, a ka laelwa ke kgotlatshekelo e e reetsang boikuelo go obamela nako e e beilweng. Kgotlatshekelo ya boikuelo e ka sutisetsa ditsamaiso kwa pele go letlelela motlhankedi wa sebaka wa Kgotlatshekelo ya Setso go e tlamela ka mabaka. Kgotlatshekelo ya boikuelo e ka nna ya re ka boitlhophelo jwa yona, ya phuaganya mabaka a katlholo. - Molawana wa 10() le 11 ya Melawana ya Dikgotlatshekelo ya Dikgosi le Dikgosana wa R2082 wa 1967. Fa go tlhakanyediwa palo ya malatsi a a rebotsweng go ya ka melawana47, letsatsi la Sontaga le letsatsi la boikhutso la setšhaba a ka seke a akarediwa. - Molawana wa 15 . Ga go a tshwanelwa go itsisiwe boikuelo fa boleng jwa tleleimi bo le kwa tlase ga R10,00 kwa ntle ga fa fela kgotlatshekelo ya boikuelo e tlhomamisitswe mo tshobokanyong ya patlisiso gore ntlhatheo ya botlhokwa ya molao e na le seabe mo boikuelong. Kgotlatshekelo ya Magiseterata e e reetsang boikuelo got swa kwa kgotlatshekelo ya setso e sekisa kgetse jaaka e kete ke tsheko ya ntlha mme ka jalo e dirisa katlholo ya yona go emisetsa ya Kgotlatshekelo ya Setso. - karolo ya 29A ya Molao wa Dikgotlatshekelo tsa Bomagiseterata. Ka ntlha ya fa taolo ya Dikgosi, Dikgosana le Bathusi e felela mo molaong wa setso, fa kgotlatshekelo e reetsa boikuelo e tlamega go dirisa molao wa setso - Yeni v Jaca NAC (N-E) 31. Le gale mo mabakeng a mo go ona go fitlhelwang gore kgotlatshekelo ya setso e sweditse ka morero o o tswang mo molaong wa boagisanyi, ditsamaiso di beelwa thoko ka ntlha ya mabaka a go tlhoka taolo. Cebekulu v Shandu NAC (N-E) 196. Boikuelo jo bongwe go tswa kwa kgotlatshekelo ya magiseterata bo mo magetleng a Kgotlatshekelo Kgolo.
Kwa Qwaqwa, tiragatso le tsamaiso ya boikuelo go tswa kwa Dikgotlatshekelo tsa Dikgosi le Dikgosana go ya kwa Dikgotlatshekelong tsa Bomagiseterata gab o sa tlhole bo laolwa ke dikarolo tsa 12 , 12 , 20 , 20 le 20 ya Molao wa Tsamaiso ya Bantsho. Dikarolo tseno di phimotswe go ya ka karolo 6 ya Molao wa Qwaqwa wa Boikuelo go tswa kwa Dikgotlatshekelo tsa Dikgosi le Dikgosana wa bo7 wa 1988. Ga jaana tsamaiso e laolwa ke Molao wa Qwaqwa. Karolo 3 ya Molao wa Qwaqwa e ne e naya Tona ya Bosiamisi dithata tsa go dira melawana (go laola tiragatso le tsamaiso ya boikuelo) tse di emisetsang Melawana ya Dikgotlatshekelo tsa Dikgosi le Dikgosana ya R2082 ya 1967.
Dinaga tseno di fetisitse melao ya tsona e e ka ga Go Tlhangwa ga Dikgotlatshekelo tsa Bomagiseterata go ya ka karolo ya 2 ya melao yotlhe; Jaanong Dikgotlatshekelo tsa Bomagiseterata di mo taolong ya e e phimotsweng.48 Ka ntlha ya fa Dikgotlatshekelo tsa Bokomisinara di ne di kgona go reetsa boikuelo go tswa kwa Dikgotlatshekelo tsa Setso, dithata tseno gape di ne di le mo Dikgotlatshekelo tsa Bomagiseterata. Tiragatso le tsamaiso mo boikuelong go tswa kwa dikgotlatshekelo tsa Dikgosi e laolwa go ya ka Melawana ya Kgotlatshekelo ya Dikgosi le Dikgosana ya R2082 ya 196749.
Go ya ka karolo 20 ya Molao wa Tsamaiso ya Bantsho, Tona ka go kwala, e ka laolela dikgosi le dikgosana gongwe bathusi ba dikgosi go sekisa ditlolomolao tsa molao wa boagisanyi gongwe molao wa setso, kwa ntle gat se di totobaditsweng sejuleng ya bo3 ya Molao, O o dirilweng ke montsho kgatlhanong le montsho mo lefelong le le leng mo taolong ya kgosi.
Dikgotlatshekelo tsa setso ga di a tshwanela go rebola epe ya dikotlhao tse di latelang (K20 Molao wa Tsamaiso ya Bantsho): Loso, 50 Go retliwa dithwe, Go utlwisa mmele botlhoko thata, Go golegwa kwa kgolegelong, Tefiso e e fetang R100,00 gongwe ditlhogo di le pedi tsa dikgomo gongwe leruo le legolo gongwe dipodi/dinku di le lesome gongwe leruo le lennye, Go kgwathisa51. Tekanyetso e e malebana le kotlhao ya go kgwathisa e ikamanya le karolo ya 12 (e) ya Molao wa Molaotheo e e thibelang dikotlhano tse di setlhogo le tsa sephologolo. Go ya ka karolo ya 20 ya Molao wa Tsamaiso ya Bantsho, boikuelo jwa bosenyi go tswa kwa Kgotlatshekelo ya Sets obo tshwanetse go isiwa kwa Kgotlatshekelo ya Magiseterata e e nang le taolo mo sebakeng sa malatsi a le 30 morago ga go tshwarwa - Molawana 2 Molawana wa Boikuelo jwa Bosenyi R45 ya 1961.
Le gale go tshwanetse ga lemogwa gore molao wa setso ga o farologanye magareng ga merero ya selegae le ya bosenyi ka mokgwa o molao wa boagisanyi o dirang ka gona. Tota e bile ga se gore dikgetse tseno di reediwa ka go farologana.52 Go tshwanetse gape ga elwa tlhoko gore kgato ya motlolamolao e ka nna bosenyi le tlolomolao. Mo mabakeng a a jalo motlhankedi wa sebaka o tshwanetse go lemoga dipeelo tsa gagwe malebana le taolo mo mererong ya selegae le ya bosenyi.
Dikgosi le Dikgosana tse di senang taolelo ke dikgosi le dikgosana tse di sa newang taolo ya selegae gongwe ya bosenyi ke Tona go ya ka karolo 12 gongwe 20 ya Molao wa Tsamaiso ya Bantsho. Seno le gale ga se kae gore bano ga se Dikgosi le Dikgosana tsa nnete. Dikgosi tseo le Dikgosana ga din a taolo ya selegae gongwe ya bosenyi fela di tswelela go lemogwa le go nna le tshusumetso mo merafeng ya tsona. Le gale go ya ka tlwaelo, bangongoregi ba ba mo merafeng e e farologaneng ba isa dingongorego tsa bona kwa Dikgosing le Dikgosaneng tse di kailweng. Kgosi e e jalo e reetsa kgang mme e rebole katlholo ya yona.
Ka setegeniki katlholo e e rebotsweng ke Kgosi gongwe Kgosana e e senang taolelo ga e nne ya boammaruri mme ka jalo ke ya lefela54 mme ga e tlame maphata kwa ntle ga fa fela maphata a e amogela.55 Gape katlholo e ka seke ya be ya dirisiwa. Go thopiwa gongwe go tlosiwa ga sengwe fela go ya ka dikatlholo tseo e nna kgato ya tshenyo.56 Fa selo seo se ka neelwa motseisamolato yo o atlholetsweng, le ena o nna le molato wa tshenyo.57 Fa maphata a setse a amogetse katlholo, e a bat lama. Le gale mo mabakeng a mo go ona maphata a amogetseng katlholo mme moiphemedi a retelelwa ke go duela, mongongoregi o tshwanetse go tsaya dikgato tsa de novo kwa kgotlatshekelo e e nang le taolo e e bokgoni.58 Mo mabakeng a mo go ona morago ga gore mongongoregi a amogele katlholo, moiphemedi a bo a duela go ya ka katlholo le fa tota a sa duela tuelo e e lekaneng go ya ka katlholo mme Kgosi gongwe Kgosana gongwe Morongwa a bo a amogela tuelo, mongongoregi o tlamiwa ke seo mme moiphemedi ga a sa tlhole a na le maikarabelo ao.59 Moo e leng gore tuelo ya moiphemedi ga e amogelwe, tuelo eo e tsewa jaaka kamogelo ya molato le tumelo mo letlhakoreng la moiphemedi e e ka dirisiwang mo kgatong e e latelang ya semolao.
Seemo sa tsamaiso ya bosenyi se farologane. Ke fela Dikgosi, Dikgosana le Bathusi ba ba nang le taolelo ba ba ka diragatsang tiro ya katlholo ya bosenyi. Mo mabakeng a mo go ona Kgosi gongwe Kgosana e e senang taolelo e rebolang tefiso gongwe kotlhalo, taelo eo ga se ya boammaaruri mme e nna ya lefela.61 Mo mabakeng a mo go ona kgotlatshekelo e tlolang dithata tsa yona mme e rebola kotlhao mo e senang taolo gona, kgotlatshekelo eo e dira molato gongwe tlolomolao. Lebelela Molawana wa 17 le 31 ya kgoeletso ya R110 ya 195762.
Dikgotlatshekelo tsa setso kwa Transkei, Bophuthatswana, Venda le Ciskei (dinagamagae tse di neng di ipusa maloba) din e di theilwe go ya ka melao e e neng e fetisitswe mo Dinageng tseo. Go tshwanetse ga elwa tlhoko gore le fa melao e e neng e thaya le go laola tiro ya dikgotlatshekelo tsa setso kwa dinageng tseno e ne e na le dintlha tse di tshwanang le tsa Molao wa Tsamaiso ya Bantsho, e ntse e na le dipharologano dingwe. Go ya ka Molao wa Molaotheo63 wa Dinaga tse di farologaneng dikgotlatshekelo tsotlhe tse di mo Dinageng tseo di ne di na le dithata tsa go dirisa molao wa Morafe mo ditsamaisong tse di malebana le setso sa Morafe se se latelwang mo merafeng e e farologaneng.
Kwa Bophuthatswana wa maloba dikgotlatshekelo tsa setso din e di bidiwa Dikgotlatshekelo tsa Morafe. Go ya ka Molao wa Bothati jwa Setso wa Bophuthatswana wa bo23 wa 1978, [Molao] go thewa kgotlatshekelo ya Morafe ya Morafe mongwe le mongwe. Go ya ka Molao, dikgotlatshekelo tseno di teiwa ke kgosi, kgosana gongwe modulasetilo wa Morafe. Ditokololo tsa Morafe o o amegang ke ditokololo tsa kgotlatshekelo. Dikgotlatshekelo tsa Morafe di kailwe mo karolong 9 ya Molao jaaka dikgotlatshekelo tsa direkoto. Boikuelo le ditshekatsheko gape ke maikarabelo a kgotlatshekelo ya magiseterata - karolo 9 ya Molao, e e nang le dithata tsa go beela thoko, go fetola, go baakanya katlholo ya kgotlatshekelo ya Morafe gongwe go dira taelo malebana le katlholo eo go ya fela jaaka go tla bo go tlhokagala go ya ka bosiamisi - Karolo 9 ya Molao. Go swetsa ka boikuelo, kgotlatshekelo ya magiseterata e ka swetsa go reetsa kgetse ka tsela ya de novo gongwe go ikaega mo rekotong ya Kgotlatshekelo ya Morafe - Lebelela Karolo 9 . Fa kgotlatshekelo ya magiseterata e reetsa boikuelo, e tshwanetse go dirisa molao wa setso - karolo 10 ya Molao.
Karolo 3 ya Molao e naya moporesidente dithata tsa go naya taolo ya selegae kwa Bothating jwa Morafe malebana le dintlha tse di tlhagelelang go tswa mo molaong wa setso. Fa Bothati jwa Morafe bo dira kopo, moporesidente a ka fetisetsa taolo ya selegae kwa bothating jo bo botlana jwa bothati jwa Morafe ka ditekanyetso tsa lefelo, mabaka a dikgato le batho ba taolo e ka dirisiwang mo go bona. Mo dikgatong tse di amang setso, go tshwanetse ga dirisiwa molao wa setso kwa ntle ga fa fela e phimotswe, e baakantswe gongwe e sa dumelane le pholesi ya setšhaba gongwe dintlhatheo tsa bosiamisi jwa tlholego - Karolo 4 ya Molao. Dikgotlatshekelo tseno din a le bokgoni jwa go samagana le ditsheko tsa selegae le tsa bosenyi ka nako e le nngwe fela fa e le gore di ama dintlha le maphata a le mangwe fela - karolo 11 ya Molao.
Tse e leng gore go tlhokagala maemo a motho malebana le bokgoni jwa tlhaloganyo ya gagwe.
Mo morerong o mo lephata lengwe la ona e leng kgosi/kgosana gongwe bothati jwa Morafe.
Go ya ka Molao wa Dikgotlatshekelo tsa Setso wa Bophuthatshwana wa bo29 wa 1979, dikgotlatshekelo tsa Morafe mo Bophuthatswana wa maloba din a le taolo ya tshimologo le e e kgethegileng go swetsa ka dikgetse tsotlhe tsa selegae tse di tlhagelelang mo setsong le molao wa morafe. Ka ntlha ya mabaka ao dikgato tseo ga di a tshwanela go tsewa mo kgotlatshekelo ya magiseterata.
mo bathong ba morafe wa yona, mo moiphemeding gongwe motsibogi yo o nnang gongwe a na le kgwebo gongwe a thapilwe mo lefelong le kgotlatshekelo e nang le taolo ya lona, mo selekaneng fa dikago tsa sona tsa kgwebo di le mo lefelong la kgotlatshekelo gongwe mongwe wa balekane a nna mo tikologong e kgotlatshekelo e nang le taolo ya yona.
Morago ga Transkei e sena go bona boipuso, ditlamelo tsa Molao wa Tsamaiso ya Bantsho o o malebana le dikgosi le dikgosana di ne tsa amogelwa go ya ka Karolo 60 ya Molao wa Molaotheo wa Transkei wa bo15 wa 1976 o o neng o dira tlamelo ya go tswelela go dirisa melao e e ntseng e le gona go fitlhelela e phimolwa ke palamente ya Transkei. Ditlamelo tseo tse di neng di amogetswe din e tsa emisediwa ke Molao wa Dikgotlatshekelo tsa Dikgosi wa Transkei wa bo6 wa 1983 [Molao] le Melawana ya Dikgotlatshekelo tsa Dikgosi - GN 139 wa 1984 - lebelela gape Seymour 20. Kwa ntle ga Dikgotlatshekelo sa Dikgosi, Dikgotlatshekelo tsa Bothati jwa Dikgaolo le tsona di ne tsa theiwa go ya ka Molao wa Bothati jwa Dikgaolo wa bo13 wa 1982. Dikgosikgolo le bathusi ba tsona di na le taolo e e tshwanang le ya Dikgosi ka ntlha ya maemo a tsona mme ka jalo ga di tlhoke go rebolelwa taolo semmuso - Karolo 2 ya Molao.
D Merero e e malebana le go seng boammaaruri, tlhalo gongwe karogano go tsw amo lenyalo e ka nna la selegae gongwe la setso ga e mo taolong ya Kgotlatshekelo ya Setso.
Tsamaiso e tshwanetse go nna go ya ka molao wa setso le setso fela tiragatso e fela jaaka go rebotswe ka molawana - karolo ya 4 le . Boikuelo bo mo maikarabelong a kgotlatshekelo ya Magiseterata gongwe Kgotlatshekelo ya Bothati jwa Kgaolo. - Karolo ya 4 ya Molao wa Dikgotlatshekelo tsa Dikgosi wa 1983 (Transkei). Go na le tshwanelo ya go dira boikuelo kwa ntle fela ga fa boleng jwa tleleimi bo le kwa tlase ga R25,00 ntle le fa Kgotlatshekelo Kgolo mo tshobokanyong ya patlisiso e tlhomamisitse gore morero o akaretsa ntlhatheo ya botlhokwa ya molao- karolo ya 4 . Boikuelo bo tshwana fela le tsheko ya de novo- karolo ya 4.
E Ga go a tshwanelwa ga ntshiwa dikgotlhao tse di latelang Karolo ya 3 : Loso, go retliwa dithwe, go utlwisiwa botlhoko thata mo mmeleng, go tswalelwa kwa kgolegelong gongwe tefiso e e fetang dikgomo di le nne e e ka emelwang ke tefiso e e tlhakanyediwang ka seelo se se sa feteng R100,00 e le nngwe gongwe dinku/dipodi di le 20 tse di ka emelwang ke tefiso e e tlhakanyediwang ka seelo se se sa feteng R20,00 e le nngwe gongwe R400,00.
Tsamaiso ya Bosenyi e ya go ya ka molao wa setso le seto fela e ka beelwa melawana ke Tona ya Bosiamisi. Ga go a letlelelwa kemedi epe fela ya molao - karolo ya 10. Fa molatofadiwa a ka retelelwa ke go duela tefiso, kgosi a ka dira gore a golegwe mme a tlhagelele fa pele ga magiseterata gongwe tlhogo ya kgotlatshekeo ya kgaolo ya lefelo le tsheko e diragetseng mo go lona, mme yona e tla re fa e sena go kgotsofala gore tefiso e ne e rebotswe go ya ka molao, e ka laela gore go duelwe mme ga seo se sa kgonege e ka laela go tswalelwa kwa kgolegelong sebaka se se sa feteng dikgwedi di le tharo. Boikuelo ke maikarabelo a kgotlatshekelo ya Magiseterata gongwe Kgotlatshekelo ya Bothati jwa Kgaolo - karolo 5 . Boikuelo bo tshwana fela le tsheko ya de novo- karolo ya 5.
Go ya ka karolo ya 73 ya Molao wa Molaotheo wa Transkei wa bo15 1976, go na le dikgaolo di le robongwe mo Transkei mme tsona di tlhametswe Dikgotlatshekelo tsa Bothati jwa Kgaolo - karolo ya 2 ya Molao wa Dikgotlatshekelo tsa Bothati jwa Kgaolo [Molao]. Go ya ka pegelo ya Olivier ya 199764, go ne go dira dikgotlatshekelo mo dikgaolong di le tlhano fela ka 1997. Dikgotlatshekelo tsa Bothati jwa Kgaolo di na le taolo e e tsamaelanang le ya dikgotlatshekelo tsa bomagiseterata mo mabakeng a mo go ona molatofadiwa mo kgetseng ya bosenyi gongwe maphata a a mo kgatong ya selegae e leng baagi ba Transkei - karolo 3 ya Molao wa Dikgotlatshekelo tsa Bothati jwa Kgaolo. Ga go tshwane le dikgotlatshekelo tsa bomagiseterata tse di kgonang fela go diragatsa molao wa setso mo mererong ya selegae fela, Dikgotlatshekelo tsa Bothati jwa Kgaolo di na le taolelo ya go dirisa molao wa setso le mo dikgetseng tsa bosenyi tota. Dikgotlatshekelo tsa Bothati jwa Kgaolo di tsewa e le dibopiwa tsa molao ka ntlha ya fa di tlhamilwe go ya ka Molao wa palamente mme di bona dithata tsa tsona go tswa mo molaong. Ga go letlelelwe kemedi ya semolao mo dikgotlatshekelong tseno - karolo ya 7. Boikuelo ke maikarabelo a Kgotlatshekelo Kgolo mme dikotlhao tsa bosenyi di ka sekwasekwa gape fela go tshwana le tsa dikgotlatshekelo tsa bomagiseterata. Tsamaiso e ya fela go ya ka setso mme le gale e ntse e beelwa melawana ke Tona - Seymour ts 22.
Potso e re tshwanetseng go e araba fano ke gore a Kgotlatshekelo ya Setso e ka swetsa gore molawana wa molao wa setso ga se wa boammaaruri ka ntlha ya fa o sa ikamanye le molaotheo?
Go ya ka K170 ya molaotheo, kgotlatshekelo e maemo a yona a leng kwa tlase ga a Kgotlatshekelo Kgolo ga e a tshwanela go batlisisa ka gongwe go atlhola malebana le go nna mo molaotheong ga molao ope gongwe maitsholo mangwe le mangwe fela a moporesidente. Go ya ka karolo ya 110, kgotlatshekelo ya magiseterata e ka seke ya nna le bokgoni jwa go swetsa ka boammaaruri jwa molao ope fela gongwe maitsholo a moporesidente. Karolo ya 110 ya Molao wa Dikgotlatshekelo tsa Bomagiseterata o thibela kgotlatshekelo ya magiseterata go swetsa gore molao ope fela ga se wa boamaaruri, e ka nna ka mabaka a go amana le molaotheo gongwe ka mokgwa mongwe fela. Lefoko la "molao" le tlhalosiwa mo karolo 2 ya Molao wa Thanolo ya Melao wa bo33 wa 1957 jaaka "molao mongwe le mongwe fela, kgoeletso, molawana, Molao wa Palamente gongwe taolo nngwe fela e e nang le maatla a molao. Lefoko la "molao" le tsewa le kaya ditaolo tsa molao mme e seng "molao wa boagisanyi" Buckle & Jones V 1 Molao wa bo403 (c), Millman NO v African Eagle Life Assurance Society Ltd 1981 SA 630 (c). Go sa ikgatholosiwe gore go kaelwe mo molaong wa boagisanyi mo K170 ya Molaotheo le karolo 110 ya Molao wa Dikgotlatshekelo tsa Bomagiseterata, dikgotlatshekelo tsa bomagiseterata ga di na taolo ya go swetsa ka bomolaotheo jwa molao wa boagisanyi (B&J V 1 Molao wa bo403). Go ntse go lebeletswe lona lebaka leo, go ka swediwa gore dikgotlatshekelo tsa bomagiseterata ga di na dithata tsa go swetsa ka bomolaotheo jwa molawana wa molao wa setso. Kgotlatshekelo ya magiseterata jaaka sebopiwa sa molao e bona dithata tsa yona go tswa mo Molaong wa Dikgotlatshekelo tsa Bomagiseterata, mme ga gona dithata dipe tseo (go batlisisa boammaaruri jwa molawana wa molao wa setso) tse di rebolwang mo Molaong wa Dikgotlatshekelo tsa Bomagiseterata. Fela jalo, le kgotlatshekelo ya magiseterata jaaka sebopiwa sa molao le yona ga e a rebolelwa dithata ke Molao wa Dikgotlatshekelo tsa Bomagiseterata go batlisisa boammaaruri jwa molawana wa molao wa setso.
Go ya ka K170 ya molaotheo, kgotlatshekelo e maemo a yona a leng kwa tlase ga a Kgotlatshekelo Kgolo ga e a tshwanela go batlisisa ka gongwe go atlhola malebana le go nna mo molaotheong ga molao ope gongwe maitsholo mangwe le mangwe fela a moporesidente. Maemo a dikgotlatshekelo tsa setso le Dikgotlatshekelo tsa bomagiseterata mo tatelanong ya dikgotlatshekelo a kwa tlase go na le a Dikgotlatshekelo Kgolo mme ka jalo, go ya ka karolo ya 170, dikgotlatshekelo tseno ga din a dithata tsa go ka batlisisa ka ga gongwe go swetsa ka go nna mo molaotheong ga peomolao nngwe le nngwe fela gongwe maitsholo a moporesidente. Karolo ya 170 e bua fela ka peomolao mme e seng molao. Le gale go ya ka karolo 2 ya Molao wa Thanolo ya Melao wa bo33 wa 1957, tlhaloso ya lefoko "molao" e akaretsa peomolao. Mogopolo wa ga B&J V 1 Molao wa bo403 ke gore go sa ikgatholosiwe gore go kaelwe mo molaong wa boagisanyi mo K170 ya Molaotheo le karolo 110 ya Molao wa Dikgotlatshekelo tsa Bomagiseterata, dikgotlatshekelo tsa bomagiseterata ga di na taolo ya go swetsa ka bomolaotheo jwa molao wa boagisanyi (B&J V 1 Molao wa bo403). Go ntse go lebeletswe lona lebaka leo, go ka swediwa gore dikgotlatshekelo tsa bomagiseterata ga di na dithata tsa go swetsa ka bomolaotheo jwa molawana wa molao wa setso. Go ya ka karolo ya 211 molao wa setso o lemogwa jaaka molwa mo Aforika Borwa. Mooko wa mogopolo ono ke gore go kaiwa ga peomolao mo karolo 170 go akaretsa molao wa boagisanyi le molao wa setso mme ka ntlha ya fa dikgotlatshekelo tsa setso di le kwa tlase ga Kgotlatshekelo Kgolo mo tatelanong ya dikgotlatshekelo, ga di newe dithata tsa go batlisisa bomolaotheo jwa molao wa setso go ya ka karolo ya 170 ya Molao wa Molaotheo. Go ya ka TW Bennet 76 dikgotlatshekelo tsa Setso ga di na bokgoni jwa go swetsa gore melawana ya molao wa setso ga e ikamanye le molaotheo mme ka jalo ga se ya boammaaruri. (Go ikaegilwe ka K103 ya Molaotheo wa Nakwana wa 1993).
Karolo 1 ya Molao o o Tlhabolotsweng wa Bosupi wa 1988 e dira tlamelo ya gore "Kgotlatshekelo nngwe le nngwe e ka lemoga bosiamisi jwa molao wa mmuso wa naga e sele le wa molao wa tlholego go ya fela jaaka molao oo o ka tlhomamisiwa ka gangwe fela le ka bonnete jo bo lekaneng: Fa fela e le gore molao wa tlholego ga o kitla o ganetsana le dintlhatheo tsa pholesi ya setšhaba le bosiamisi jwa tlholego: Fa fela gape e le gore ga go kitla go nna mo molaong gore kgotlatshekelo epe fela e goeletse gore setso sa lobola gongwe bogadi gongwe setso sengwe fela se se tshwanang le seo ga se amogelesege mo dintlhatheong tseo."
Sekai, Molao wa Tsamaiso ya Bantsho wa bo38 wa 1927 jaaka o baakantswe.
Dikai; Transkei Molao wa Dikgotlatshekelo tsa Dikgosi wa bo6 wa 1983 13/1982 &, Ciskei Molao wa bo37 wa 1984, Molao wa Dikgotlatshekelo tsa Setso wa Bophuthatswana wa bo29 wa 1979, Molao wa Bothati jwa Setso wa Kwandebele wa bo8 wa 1984 le Molao wa Magosi le Batlotlegi ba Kwazulu wa bo9 wa 1990.
Pegelo ya Khomišene ya Molao ka ga Dikgotlatshekelo tsa Setso, temana ya 3.
c botlhaswa jo bo boitshegang jwa thulaganyo mo tsamisong le go dumela bosupi jo bo sa dumelegeng gongwe jo bo senang bokgoni gongwe go gana bosupi jo bo dumelegang gongwe jo bo bokgoni.
Molao wa Lebowa wa Go Tlhangwa ga Dikgotlatshekelo tsa Bomagiseterata wa bo5 wa 1973., Molao wa Gazankulu wa Go Tlhangwa ga Dikgotlatshekelo tsa Bomagiseterata wa bo9 wa 1973.
Go kgwathisiwa go ntshitswe mo molaong go ya ka karolo ya 1 ya Molao wa Go Fedisa go kotlhao ya go kgwathisa wa bo33 wa 1997.
<fn>tsn_Article_National Language Services_KHOLETèHE YA BOSIAMISI 3 (2005).txt</fn>
Dikgosi di diragatsa ka sebedi maatla a go tsaya tshwetso ya bosiamisi le maatla a go tsaya tshwetso ya tsamaiso. Go botlhokwa go tlhaloganya pharologano magareng ga ditiro tse pedi gonne molao o o dirang mo go nngwe le nngwe o farologana.
Go tsaya tshwetso ya bosiamisi go diragala fa Kgosi e biditswe go tsereganya kganetsano magareng ga maloko a baagi kana go dirana le ngongorego ka mongwe wa maloko a baagi kgatlhanong le yo mongwe. Fa maloko a mabedi a baagi ka bobedi ba dumela gore ba na le ditshwanelo tsa go fudisa mo lebakeng la karolwana ya lefatshe e e tshwanang mme Kgosi e bidiwa go atlhola gore ke ofe wa bona yo o nang le tshwanelo kwa lefatsheng, seno ke tshwetso ya bosiamisi gonne maikaelelo ke go rarabolola kganetsano. Fa leloko le le lengwe la baagi le latofatsa le lengwe ka go utswa dikgogo tsa gagwe mme kgang e tlisiwa fa pele ga Kgosi seno se tla ama gape go diragatsa tiro ya go tsaya tshwetso.
Fa leloko la baagi le dira kopo ya tetla kwa go Kgosi go fudisa diruiwa mo karolwaneng ya naga, kana tetla go aga ntlo kwa lefelong le le rileng, Kgosi e tla bo e diragatsa tsamaiso ya tiro ya go tsaya tshwetso mo go swetseng gore a kopo e rebolwe. Tsamaiso ya go tsaya tshwetso e laolwa ke karolo 33 ya Molaotheo le ke Molao wa Kgodiso ya Tsamaiso ya Bosiamisi,2000. Go ya ka molao o tshwetso nngwe tsamaiso e e tsewang ke Kgosi e tshwanetse go nna ya semolao, e utlwale le go latela tshiamo.
Kgosi e e dirileng tshwetso ya tsamaiso kana e tsere kgato ya tsamaiso e tshwanetse, fa go kopiwa, e tlamele mabaka a a kwadilweng go mongwe le mongwe yo ditshwanelo tsa gagwe di amegileng e seng sentle ka tshwetso ya tsamaiso kana kgato. Fa mabaka a ganetswa setlhopha se se kopang se ka dira kopo kwa kgotlatshekelong go gapeletsa go tlamelwa ga mabaka. Fa mabaka a neelwa mme setlhopha se se amegang se dumela gore ga se ka fa molaong, ga go utlwale kana ka go latela ga go a siama, setlhopha seo se ka dira kopo kwa kgotlatshekelo gore tshwetso e lebiwe gape.
Molao o o amanang le tsamaiso ya go tsaya tshwetso o tswa mo molaong wa gale, fela jaanong o sa tswa go rulaganngwa mo Molaong wa Kgodiso ya Tsamaiso ya Bosiamisi. Khophi ya bukana e e bidiwang 'A practical Guide to Administrative Justice' e tla neelwa batsayakarolo botlhe mo khosong. Bukana e, e tlamela kaelo ya kgato ka kgato ya tsamaiso ya go tsaya tshwetso, kgato ya ntlha e le tshiamisetso mo kelong ya gore motho o a maatlafadiwa go tsaya tshwetso kana go tsaya kgato.
Mo go direng ditshwetso tsa bosiamisi, Dikgosi di tshwanetse go tsamaisana le Molaotheo, ditheo tsa molao wa gale tse di amanang le go tsaya ditshwetso tsa bosiamisi le ditshiamelo tsa molao mongwe le mongwe o o maatlafatsang. Ditshwetso tsa bosiamisi di ka isiwa kwa boikuelong kana tsa lebelelwa gape.
<fn>tsn_Article_National Language Services_KHUNOLOGO YA BOLWETSE.txt</fn>
Mo tsamaong e e tlwaelegileng ya ditiragalo tsa botshelo jwa gago o ka lwala kgotsa wa gobala mo o tla tlhokang khunologo go kokotlela mo bolwetseng jwa gago kgotsa mo kgobalong ya gago. Tsweetswee gakologelwa gore dikgobalo mo ntlheng e ga di kaye dikgobalo mo tirong.
Khunologo ya bolwetse e e tlwaelegileng ya malatsi a tiro a diura di le 36 ka tuelo e e feletseng mo tshekong ya khunologo ya bolwetse. Tsheko ya khunologo ya bolwetse ke paka ya dingwaga di le tharo tse di latelanang. Tsheko ya khunologo ya bolwetse ya ga jaanong e simolotse ka 1 tsa Ferikgong ka 2004.
Fa o itse nako e sa ntse e le teng gore o tshwanetse go ya kwa thulaganyong ya kalafo, sekao: karo, dira kopo le go romela foromo ya gago ya kopo nako e sa ntse e le teng.
Le fa go ntse jalo, fa o kowafaditswe ke bolwetse jwa ka bonako kgotsa o bone kgobalo, itsise motlhokomedi wa gago ka bonako fa o retelelwa ke go dira ka ntlha ya bolwetse jwa gago kgotsa ka ntlha ya kgobalo ya gago. Molaetsa wa molomo ka wa losika, ka modirimmogo kgotsa ka tsala o amogelesega fela fa boleng le/kgotsa maemo a bolwetse/kgobalo e go thibela go bolelela motlhokomedi wa gago/motsamaisi wa gago ka sebele.
Romela setifikeiti sa boitekanelo sa bolwetse sa dipaka tsa malatsi a le mararo le go feta LE mo ntlheng ya fa o setse o dirisitse khunologo ya bolwetse go feta gabedi mo pakeng ya dibeke di le 8, go sa kgathalesege paka ya go se nne teng. Gape lebelela fa tlase Kamogelo ya Ditifikeiti sa Boitekanelo.
Dirisa le go laola khunologo ya bolwetse ka mokgwa o o siameng le ka kelotlhoko ka motsi wa tsheko ya khunologo ya bolwetse.
Tila go dirisetsa khunologo ya bolwetse mabaka a mangwe a e seng a bolwetse kgotsa a dikgobalo ka o tla nna mo bothateng moragonyana mo tshekong ya khunologo ya bolwetse.
Go sekaseka le go go neela khunologo ya bolwetse go ya ka kopo ya gago.
Go tlhokomela le go batlisisa dintlha tse di rileng tsa tlwaelo tsa khunologo ya bolwetse malebana le kgonagalo ya tiriso e e botlhaswa. Le go tsaya kgato fa go tlhokega. Mothapi a ka kopa setifikeiti sa boitekanelo mo maemong a a rileng sa dipaka tse di ka fa tlase ga malatsi a le 3 fa ntlha e e rileng e lemogilwe.
Go gakolola badiri ka ga tiriso e e siameng ya khunologo ya bolwetse.
Go amogela maemo a tiro kgotsa ditlhokego tsa tiro kgotsa a batla tiro e nngwe, jj mo dintlheng tsa fa go tlhokega.
Khunologo ya bokoa ke thuso e o ka e kopang mo motsing wa fa o dirisitse khunologo ya bolwetse ya gago ya tlwaelo mo tshekong ya khunologo ya bolwetse ya dingwaga di le 3.
thomelo ya setifikeiti sa boitekanelo sa motsi mongwe le mongwe; le patlisiso ya mothapi ya boleng le maemo a bolwetse kgotsa kgobalo ya gago.
Dira kopo mo diforomong tsa kopo tse di kopiwang. Tsweetswee ela tlhoko gore o tshwanetse go dira kopo mo diforomong tse di tlhagisitsweng tsa khunologo ya bokoa e khutshwane le e telele. O ka nna wa se dirise foromo ya Z1 mo ntlheng e.
Fa o itse nako e sa ntse e le teng gore o tshwanetse go ya kwa thulaganyong ya kalafo, sekao: karo, dira kopo le go romela foromo ya gago ya kopo nako e sa ntse e le teng.
Le fa go ntse jalo, fa o kowafaditswe ke bolwetse jwa ka bonako kgotsa o bone kgobalo, itsise motlhokomedi wa gago ka bonako fa o retelelwa ke go dira ka ntlha ya bolwetse jwa gago kgotsa ka ntlha ya kgobalo ya gago. Molaetsa wa molomo ka wa losika, ka modirimmogo kgotsa ka tsala o amogelesega fela fa boleng le/kgotsa maemo a bolwetse/kgobalo e go thibela go bolelela motlhokomedi wa gago/motsamaisi wa gago ka sebele.
Ka gale o tshwanetse go romela setifikeiti sa boitekanelo le kopo ya gago. Gape o ka nna wa romela dipegelo tsa tshegetso tsa boitekanelo tse di leng teng le tshedimosetso, mmogo le lebaka le le kwadilweng le kopo ya gago ya khunologo ya bokoa. Gape lebelela Kamogelo ya Ditifikeiti tsa Boitekanelo.
Tila go dirisa khunologo ya bokoa botlhaswa.
Obamela le go tlhokomela dipeelano tsa tlhatlhobo e nngwe ya boitekanelo tse di rulagantsweng le go kopiwa ke Motsamaisi wa Kotsi ya Boitekanelo wa Mothapi.
Mothapi o ya go go neela khunologo ya bokoa e e nang le melawana go ikaegilwe ka dipholo tsa patlisiso ya yona mo boleng le mo maemong a khunologo ya gago ya bokoa.
Mothapi o tla tsamaisa le go batlisisa kopo ya gago ka thuso ya Motsamaisi wa Kotsi ya Boitekanelo, go ya ka Pholisi le Thulaganyo malebana le Khunologo ya Bokoa le Tholotiro ya Bolwetse (PILIR). O ka kopiwa go tsenela ditlhatlhobo tse dingwe tsa boitekanelo jaaka ka karolo ya patlisiso gore mothapi a tle a tseye tshwetso e e siameng ka ga khunologo ya bokoa e e tswelelang pele kgotsa sekao: kamogelo e e kgonegang ya maemo a gago a tiro kgotsa tiro e nngwe.
Mothapi o ya go nkitsise ka ga diphitlhelelo tsa yona le go tsaya kgato e e maleba go ya ka diphitlhelelo tsa yona.
Fa o retelelwa go dira leruri ka ntlha ya mabaka a boitekanelo, o ka gololwa/lebogisiwa mo tirong ya Bodiredipuso ka mabaka a boitekanelo.
Wena kgotsa mothapi wa gago a ka simolola tholotiro ya bolwetse fa go ka belaelwa gore o retelelwa leruri ke go dira. Sekao e ka nna morago ga kotsi e e masisi ya sejanaga.
Fa o dirile kopo ya khunologo ya bokoa jo boleele e bile patlisiso ya mothapi e supa fa o ya go retelelwa go dira leruri, ba ka oketsa kopo ya gago ya bokoa go kopo ya tholotiro ya bolwetse.
O ka kopiwa go tlatsa diforomo tsa kopo tsa tholotiro ya bolwetse.
Romela ditifikeiti tsa boitekanelo le dipegelo tse dingwe tsa tshegetso tsa boitekanelo tse di leng teng le tshedimosetso le kopo. Gape lebelela Kamogelo ya Ditifikeiti tsa Boitekanelo.
Obamela le go tlhokomela dipeelano tsa tlhatlhobo e nngwe ya boitekanelo tse di rulagantsweng le go kopiwa ke Motsamaisi wa Kotsi ya Boitekanelo wa Mothapi.
Mothapi o tla tsamaisa le go batlisisa kopo ya gago ka thuso ya Motsamaisi wa Kotsi ya Boitekanelo, go ya ka PILIR. O ka kopiwa go tsenela ditlhatlhobo tse dingwe tsa boitekanelo jaaka karolo ya patlisiso gore mothapi a tle a tseye tshwetso e e siameng ka ga kgonagalo ya gago ya tholotiro ya bolwetse, kgotsa fa go retela leruri go dira, go tsaya tshwetso e e siameng ka ga sekao: kamogelo e e kgonegang ya maemo a gago a tiro kgotsa tiro e nngwe.
Mothapi o ya go go itsise ka ga diphitlhelelo tsa yona le go tsaya kgato e e maleba go ya ka diphitlhelelo tsa yona.
Khansele ya tsa Booki ya Aforika Borwa.
Malebana le khunologo ya bokoa mothapi o tla amogela fela ditifikeiti tsa boitekanelo tse di rebotsweng e bile di saenilwe ke batlhankedi ba ba kwadisitsweng le Khansele ya Diporofešene tsa Boitekanelo ya Aforika Borwa gape ba ba leng maleba semolao go batlisisa le go alafa balwetse. Setifikeiti seo sa boitekanelo se tshwanetse, le tetla ya gago e e sedimositsweng, go tlhalosa boleng le maemo a bolwetse/kgobalo.
Leina, aterese le dikwalo tsa motlhankedi.
Leina la molwetse.
Letlha le nako ya tlhatlhobo.
Fa motlhankedi a rebola setifikeiti ka ntlha ya dikeleko tsa sebele ka motsi wa tlhatlhobo, kgotsa ka ntlha ya tshedimosetso e e amogetsweng mo molwetseng e bile e ikaegile ka mabaka a a amogelesegang a boitekanelo.
Tlhaloso ya bolwetse/bokoa, fa fela molwetse a neelane ka tetla ya go senola tshedimosetso eo.
Fa molwetse gotlhelele a sa kgone go dira kgotsa a molwetse o tla kgona go dira ditiro tse di seng thata kwa tirong.
Paka ya khunologo ya bolwetse e e atlanegisitsweng le letlha la thebolo ya setifikeiti sa bolwetse.
Temogo ya motlhankedi fa a dirisa ditifikeiti tsa boitekanelo tse di gatiseditsweng ruri, mafoko a a seng maleba go molwetse a tshwanetse go phimolwa.
Mothapi a ka kgona fela go sekaseka le go simolola patlisiso ya kopo ya gago fa o setse o rometse foromo ya kopo e e tladitsweng sintle le ditokomane tsotlhe tse di tlhokegang. Se se akaretsa go boela kwa ngakeng ya gago gore e tlatse pegelo e e tlhokegang e e leng karolo ya diforomo tsa kopo. Foromo e e sa tladiwang sentle e ka tsenya go fitlhelela ga gago khunologo ya bokoa kgotsa ya tholotiro ya bolwetse mo kotsing.
batla nako go bona ngaka, therapisi, jj.ka mabaka a a amanang le boitekanelo jwa gago/maemo a gago; kgotsa se teng mo karolong ya letsatsi ka ntlha ya bolwetse kgotsa kgobalo;kgotsa golofetse e bile o tshwantse go ya go bona tlhokomelo ya didirisiwa tse di dirisiwang ka ntlha ya bogole, mothapi o ya go go neela nako ya go se nne teng go. Mothapi o ya go somarela rekhoto ya dipaka tseo mo bukeng tse di dirisitsweng go fitlhela letsatsi lotlhe le konosediwa. E ya go gogiwa mo dikaelong tsa gago tsa khunologo ya bolwetse.
O ya mo ntlheng eo go solofelwa go tlatsa rejisetara ya nako e e tserweng malebana le rekhoto.
Bosupi jwa ditiragalo tseo bo ya go nna botlhokwa.
<fn>tsn_Article_National Language Services_KITSISO KA KAKARETSO.txt</fn>
Go ya ka karolo 15 ya Tsamaiso ya Bosetšhaba ya Tikologo: Molao wa Ditshedi tsa mefutafuta, wa 2004 (Molao wa 10 wa 2004) batho ba ba nang le kgatlhego ba lalediwa go tlhopha batho ba ba maleba go sekasekiwa go thapiwa jaaka maloko a Bototsamaiso ya SANBI.
Letlha la bofelo la ditlhopho ke...
Go nna le borutegi jo bo maleba le maitemogelo mo lephateng la ditshedi tsa mefutafuta.
Motho yo e leng leloko la Palamente, la palamente ya porofense kgotsa la khansele ya mmasepala ga a tshwanela go thapiwa jaaka leloko la Bototsamaiso ya SANBI. Batho ba ba atlegileng ba tla thapiwa nakwana mo pakeng e e sa feteng dingwaga di le tharo. Maloko a Boto a duelwa moputso le ditetlo ka tumalano le Tona, tse go dumela ga Tona ya Ditšhelete, a ka di tlhomamisang.
Dikhophi tsa dikarolo tse di maleba tsa Molao tse di amanang le ditiro le dintlha tse dingwe tsa Bototsamaiso di bonwa mo Lefapheng la Merero ya Tikologo le Bojanala.
<fn>tsn_Article_National Language Services_KITSISO YA MMUSO (2003).txt</fn>
Mo go itsisiwe ka tshedimosetso ya kakaretso gore Khomišene ya Tirelopuso go ya ka karolo ya bo 11 ya Molao wa Khomišene ya Tirelopuso, wa 1997 (Molao wa Nomoro ya bo 46 wa 1997), o buisiwa mmogo le karolo ya bo 196 (f) (ii) ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, wa 1996 (Molao wa Nomoro ya bo 108 wa 1996), e e tlhomileng Melawana e e totobaditsweng mo Mametlelelong ya bo 1.
E e dirilweng le go saenelwa kwa Tshwane mo letsatsing le la bo Somaamabedi tlhano wa Phukwi mo ngwageng wa 2003.
go rarabolola dingongorego tsa mothapiwa mo legatong le le kwa tlase ka fa go kgonegang ka teng mo lefapheng.
Ngongorego e tshwanetse ka fa go kgonegang ka teng ya rarabololwa ke mothapi go tsamaelana le modi wa yona ka fa go kgonegang ka teng.
Mothapi o tshwanetse go netefatsa gore ngongorego e rarabololwa ka mokgwa o o lolameng, wa go se tseye letlhakore lepe le ka mokgwa o o lekalekanang, le gore moono wa molao le tolamo tsa tlhago di a obamelwa.
Mokgwa o e rarabololwang ka ona o tshwanetse wa nna wa go thusa le go kgontsha mothapi le mothapiwa go rarabolola go se itumele.
Ga go mothapiwa ope yo o tshwanetseng go gatelelwa le go lomelediwa, e ka nna ka tlhamalalo kgotsa ka mokgwa o mongwe fela o sele, ka ntlha ya fa a begile ngongorego.
Fa go tsewa dikgato tsa go kgalema mothapiwa, go diragatsa mokgwa o ke mothapiwa go rarabolola morero ofe kgotsa ofe o o tsamaelanang le dikgato tsa go kgalema ga di a tshwanela go kganela dikgato tse tsa go kgalema.
Ngongorego e tshwanetse go begiwa ka go kwalwa mme ditshweetso tsotlhe tse di tsewang ka nako ya go e rarabolola di tshwanetse go kwalwa.
Mothapiwa a ka thusiwa ke moemedi.
Go sweetsa selekanyetso sa nako, se se tshwanetse go balelwa ka go se balele letsatsi la ntlha fela go akarediwe letsatsi la bofelo.
Matlhakore ka bobedi a tshwanetse go tsamaelana le selekanyetso sa nako e e beilweng mo tirong e, kwa ntle ga fa go dumallanwe mmogo go atolosa nako.
Mothapiwa o tshwanetse go tlhagisa ngongorego go mothapi mo pakeng ya malatsi a le 90 go tswa mo letlheng le mothapiwa a lemogileng kgato ya semmuso kgotsa go ikgatolosa ga semmuso mo go amang mothapiwa ka mokgwa o o sa tshwanelang.
Mothapiwa a ka kopa gore ngongorego ya gagwe e romelwe kwa Khomisheneng mo pakeng ya malatsi a le 10, morago ga go amogela tshweetso ya bothati jo bo diragatsang.
Mothapi o tshwanetse, fa a kopiwa, go abela mothapiwa tshedimosetso e e maleba le e e tlhokegang gore a kgone go bega kgotsa go latela ngongorego ya gagwe.
Go abiwa ga tshedimosetso ya mofuta o, go tsamaelana le ditekanyetso tse di dumeletsweng semolao.
Mothapiwa o tshwanetse go abelwa tshedimosetso ka ga maemo a ngongorego le dikgato tse di tsewang mabapi le go konosetsa letlha le le rulagantsweng la bofelo.
Mothapi o tshwanetse go abela mothapiwa khophi ya foromo ya ngongorego morago ga fa kgato nngwe le nngwe e e tshwanetseng ya bothati jwa go sekaseka ngongorego e.
Mothapiwa a ka bega ngongorego ya gagwe mo mothapiweng yo mongwe yo o supilweng go sekaseka morero wa go rarabolola ngongorego mo teng ga lefapha.
Foromo e e laetsweng e e mo Mametlelelong ya A e tshwanetse go dirisiwa fa ngongorego e begiwa.
Mothapiwa yo o supilweng o tshwanetse go ikgolaganya le bothati jo bo tshwanetseng jwa mo lefapheng ka maikaelelo a go rarabolola ngongorego.
Ngongorego e ka rarabololwa ke motho mongwe le mongwe yo o rweleng boikarabelo jwa bothati e bile a na le bothati jo bo maleba go e rarabolola.
Mothapiwa yo o ngongoregang o tshwanetse go sedimosediwa ka tshwanelo ke mothapiwa yo o supilweng ka ga maemo le dikgato tse di tsewang tsa go rarabolola ngongorego.
Fa ngongorego e rarabolotswe ka mokgwa o o itumedisang mothapiwa yo o ngongoregang, bonnete jwa se bo tshwanetse go dirwa ka go kwala ke mothapiwa yo o supilweng.
Fa ngongorego e sa kgonege go rarabololwa, bothati jo bo sekasekang se, bo tshwanetse go itsise mothapiwa yo o ngongoregang ka fa go tshwanetseng ka teng.
Lefapha (go akarediwa le bothati jo bo sekasekang dikgotlang) le na le paka ya malatsi a le 30 go rarabolola ngongorego eo. Paka e e ka nna ya atolosiwa ka tumallano ya matlhakore ka bobedi, ka go kwalwa.
b bothati jo bo sekasekang dikgotlang bo tshwanetse gore go ya ka mabaka a karolo ya bo 35 1 ya Molao wa Khomišene ya Tirelopuso, wa 1994, jwa fetisetsa ngongorego le dikwalwa tsotlhe tse di tsamaisanang le yona go Khomišene ya Tirelopuso go tlhagisa katlanegiso ya yona mo pakeng ya malatsi a le matlhano, fa e sena go begelwa ke mothapiwa yo o ngongoregang.
Fa ngongorego e theegile mo go se go thweng ke mokgwa o o sa lolamang wa merero ya badiri jaaka o tlhalositswe mo Molaong wa Merero ya Dikgolagano tsa Badiri, wa 1995, mothapiwa a ka itsise bothati jo bo sekasekang dikgotlang ka go kwala, gore o eletsa go dirisa mefuta e mengwe ya go rarabolola ngongorego e e tlhamilweng mo molaotheong wa Khansele ya Bogokaganyi jwa go Lwela Ditshwanelo ya Tirelopuso kgotsa lekala le le lebaganeng la khansele (go tswa gore ke efe e e maleba), le gore Khomishene ya Tirelopuso, ka jalo, ga ya tshwanela go sekaseka ngongorego eo.
a Khomišene ka tlhamalalo; kgotsa b mo lebakeng la se go tweng ke mokgwa o o sa lolamang wa merero ya badiri, go Khansele ya Bogokaganyi jwa go Lwela Ditshwanelo ya Tirelopuso kgotsa le lekala le le maleba la khansele go tswa gore ke efe e e maleba go ya ka mabaka a yona a tsamaiso ya go rarabolola dingongorego.
Fa Khomišene e amogetse tshedimosetso yotlhe go tswa mo bothating jo bo sekasekang dikgotlang, e tshwanetse gore mo pakeng ya malatsi a le 30 ya sekaseka ngongorego ya go nna jalo le go itsise bothati jo bo e sekasekang ka ga dikatlanegiso tsa yona le mabaka a tshweetso ya yona ka go kwala.
Fa bo se na go amogela dikatlanegiso tsa Khomišene, bothati jo bo sekasekang dikgotlang bo tshwanetse gore, mo pakeng ya malatsi a le matlhano, jwa itsise mothapiwa le Khomišene ka ga tshweetso ya jona ka go kwala.
a tlhogo ya lefapha la bosetšhaba, ya itsise Moporesidente ka ga ngongorego eo; kgotsa b tlhogo ya lefapha la porofense, e tshwanetse go bega ngongorego kwa go Tonakgolo e e tshwanetseng.
Moporesidente kgotsa Tonakgolo e na le paka ya malatsi a le 30 go rarabolola ngongorego eo. Paka e, e ka nna ya atolosiwa ka tumallano ya matlhakore ka bobedi.
Melawana ya bo F9 le wa bo 10, fa e buisiwa mmogo le diphetogo tse di laelwang ka diteng tsa tsona, e diragadiwa mo dingongoregong tsotlhe tsa ditlhogo tsa mafapha.
Tlhogo ya lefapha e tshwanetse go netefatsa gore tharabololo ya dingongorego e a lekanyediwa ka go tshola direkoto tsa palo ya dingongorego tse di rarabolotsweng mo tshimologong ya ngwaga mongwe le mongwe le go begela Khomišene mo pakeng ya nako ya dikgwedi di le thataro.
Khomišene e tshwanetse go bega ka ga merero ya go sekaseka dingongorego le bokgoni jwa mekgwa ya go rarabolola dingongorego kwa Kgotlatheomolaong ya Palamente ya Bosetšhaba, bonnye gangwe ka ngwaga, mme mo mabakeng a ditiro tsa Diporofense, kwa kgotlatheomolaong ya Porofense eo.
Fa ngongorego e begilwe go ya ka mabaka a mokgwa o wa go dira, bathapiwa botlhe ba ba ngongoregang ba tshwanetse ba bega mo pepeneneng gore a ba tla dirisa mokgwa o kgotsa o mongwe fela o sele.
Ngongorego e e begilweng pele go tlhamiwa Melawana ya Kgabaganyetso, ke gore pele ga di 1 Phukwi wa 1999, e tla sekasekwa le go konosediwa fela jaaka e kete Melawana ya Tirelopuso ga e ise e phimolwe.
Ngongorego e e begilweng pele go tlhamiwa melawana e ya go rarabolola dingongorego, e tshwanetse go rarabololwa le go konosediwa go ya ka mabaka a Melawana ya Kgabaganyetso ya go rarabolola Dingongorego e e phasaladitsweng mo Kuranteng ya Mmuso ya Nomoro ya bo 20231, ya 1999.
Letlha la go simolola ga Melawana e, go tsamaelana le ditshiamelo tsa Molawana wa K, ke di 19 Lwetse 2000.
Foromo e e tshwanetse go dirisiwa go tlhagisa ngongorego (go sa akarediwe se go thweng ke mokgwa o o sa lolamang wa go koba mothapiwa mo tirong), fa o sa itumelela dikgato tsa semmuso kgotsa go tlogela sengwe, mme e bile o sa kgona go rarabolola bothata bope ka go dirisa ditherisano tse e seng tsa semmuso.
O tshwanetse go tlhagisa ngongorego ya gago mo pakeng ya malatsi a le 90 go tswa mo letlheng le o lemogileng dikgato tsa semmuso ka lona kgotsa go tlogetswe sengwe, le tse di go amileng ka mokgwa o o sa siamang.
O ka thusiwa ke, kgotsa wa emelwa ke modirimmogo kgotsa moemedi kgotsa motlhankedi go tswa kwa mokgatlhong wa badiri o o amogetsweng.
Go botlhokwa go tlatsa tshedimosetso yotlhe ka mokgwa o o nepagetseng. Fa foromo e tladitswe, e tshwanetse go fiwa mothapiwa yo o supilweng go tsamaisa tshekatsheko ya ngongorego mo setheong sa lona. Lefapha le tla mamaretsa foromo e mo dikwalong tsotlhe tsa ngongorego mme e tla dirisediwa dikgato tsotlhe tsa go sekaseka ngongorego.
Mo kgatong nngwe le nngwe mo motho yo o nang le bothati a lekang go rarabolola ngongorego, letlhakore lengwe le lengwe le tla tlatsa karolo e e maleba ya foromo e. O tla fiwa tšhono ya go arabela tshwaelo nngwe le nngwe.
Fa go konoseditswe kgato nngwe le nngwe ya mokgwa wa go sekaseka ngongorego, lefapha le tla go abela khophi ya foromo e e tladitsweng.
Fa ngongorego e rarabolotswe, ga go tlhokege gore o tlaletse foromo go ya pele. Karolo ya Merero ya Badiri mo lefapheng la lona e tla tsenya foromo mo faeleng. Yona e tla dirisediwa go bega dipalopalo kwa Khomišeneng ya Tirelopuso ngwaga le ngwaga.
Go tlhokega gore o tlatse Dikarolo tsa A le ya B tsa foromo e, mme o e neye mothapiwa yo o supilweng yo o sekasekang merero ya ngongorego kwa setheong sa lona. Mothapiwa o tla tsenya go saena ga gagwe mo karolong e e fa tlase ga karolo ya B ya foromo go supa gore ngongorego e amogetswe. Netefatsa gore o amogela khophi ya foromo mo go supiwang gore ngongorego ya gago e amogetswe.
Karolo ya C ya foromo e tla tladiwa ke mothapi le wena ka sebele mo tsamaong ya dikgato tse di farologaneng mo go tla diriwang maiteko a go rarabolola ngongorego.
Ditlhaka tsa Maina le Sefane :...
Nomoro ya Mothapiwa :...
Lefapha le le mo thapileng :...
Maemo / Seemo mo Tirong :...
Letlha le o lemogileng dikgato tsa semmuso kgotsa go ikgatholosa sengwe :...
Dinomoro tse go ka ikgolaganngwang le wena mo go tsona Nomoro ya Mogala: Nomoro ya Fekese:...
Leina la moemedi (fa a le teng) :...
Dinomoro tse go ka ikgolaganngwang le moemedi mo go tsona Nomoro ya Mogala: Nomoro ya Fekese:...
Leina la Mokgatlho wa Badiri fa o le teng :...
Mokgatlho wa Badiri mo go tsona Nomoro ya Mogala: Nomoro ya Fekese:...
O ngongoregela eng?
O tshisinya tharabololo ya mofuta mang?
Karolo e ya foromo e dira ditshiamelo tsa dikgato tse di farologaneng tsa go leka go rarabolola kgotlang. Fela legale, ga go dikgato tse di laetsweng ka totobalo tsa go rarabolola ngongorego. Go ya ka mabaka a a rileng, tsebe kgotsa ditsebe tse di fa tlase di tlhoka go tladiwa.
Fa go sa kgonege go rarabolola ngongorego go fitlhela kwa legatong la tlhogo ya lefapha, e tshwanetse go fetisediwa kwa bothating jo bo sekasekang dikgotlang, (ke gore; tsebe e e fa tlase e ka totobalo e lebisang go bothati jo bo rarabololang dikgotlang, e tshwanetse go tladiwa).
Ngongorego e tshwanetse go sekasekiwa mo dikgatong tsotlhe tse di tlhokegang (go akarediwa le bothati jo bo sekasekang dikgotlang), mo pakeng ya malatsi a le 30, kwa ntle ga fa paka eo e atolositswe ka tumallano le mothapiwa yo o ngongoregang.
Maemo a mo Tirong :...
Nomoro ya Mogala :...
Nomoro ya Fekese :...
A ngongorego e rarabolotswe?
Fa karabo e le ee, tlhagisa dintlha tsa tumallano (fa lefelo le le fa tlase le sa lekana, tsweetswee mamaretsa tsebe (ditsebe) tsa tlaleletso).
A ngongorego e rarabolotswe?
A o na le se o batlang go se tshwaela?
A ngongorego e rarabolotswe?
A o batla gore ngongorego e fetisediwe go Khomišene ya Tirelopuso?
<fn>tsn_Article_National Language Services_KITSISO YA PUSO (2006).txt</fn>
Tona ya Boitekanelo o dirile melawana mo Mametlelelong go ya ka karolo 90 (i) ya Molao wa Bosetšhaba wa Boitekanelo wa 2003 (Molao No. 61 wa 2003), morago ga go rerisana le Khansele ya Bosetšhaba ya Boitekanelo.
motho yo o letleletsweng le kaya motho wa tsa malwetse wa forensiki, motlhankedi wa boitekanelo wa forensiki kgotsa motho wa tsa boitekanelo yo o kwadisitsweng jalo go ya ka Molao wa Diporofešene tsa Boitekanelo wa 1974 Molao No.
dijanaga tse di tlhophilweng le kaya sejanaga sa mmušara wa setšhaba se se diretsweng go rwala ditopo, se se obamelang dikaelo tse di tlhagelelang mo Melawaneng.
Molao wa Diporofešene tsa Boitekanelo le kaya Molao wa Diporofešene tsa Boitekanelo wa 1974 Molao No.
Molao wa Patlisiso ya setlhodi sa loso le kaya Molao wa Patlisiso ya setlhodi sa loso wa 1959 Molao No.
Motlhankedi wa Patlisiso le kaya leloko la Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa le le thapilweng go ya ka karolo 1 Molao wa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa wa 1995 Molao No.
Molao le kaya Molao wa Bosetšhaba wa Boitekanelo wa 2003 (Molao No. 61 wa 2003).
Tirelo ya Sepodisi ya Aforika Borwa' le kaya tirelo ya sepodisi e e tlhomilweng go ya ka karolo 5 ya Molao wa 1995 wa Tirelo ya Sepodisi ya Aforika Borwa.
Melawana e e diragadiwa fela mo dintlheng tsa tshekatsheko ya setlhodi sa loso mo loso loo lo tlhodilweng ke mabaka a e seng a tlholego.
Diporofešene tsa Boitekanelo wa 1974.
Leloko le le maleba la Khuduthamaga ya porofense le tshwanetse go netefatsa gore go na le Tirelo ya tsa Malwetse ya Forensiki mo Lefapheng la Boitekanelo la porofense go ya ka pholisi ya bosetšhaba le go ya ka melawana e.
i go kokoanya tshedimosetso e e amegang, go e atlhaatlha le go e sekaseka go tlhomamisa merero ya ditiragalo tsa loso le e seng la tlholego kgotsa go nna teng ga ditiragalo tsa loso le e seng la tlholego; le j go tlamela ka tshedimosetso le kgakololo go ditheo tsa boitekanelo kgotsa mafapha kgotsa ditheo tse dingwe tsa puso kgotsa mafapha.
Tirelo e rwele maikarabelo a go tlosa le go rwala setopo go se isa kwa lefelong lengwe le le tlhophilweng.
Tirelo e ka rwala fela setopo ka mokgwa o o tlhagelelang mo melawaneng e e bile e tshwanetse go dirisa dijanaga tse di tlhophilweng mabapi le thwalo e e akanngwang mo molawaneng 5.
Motho yo o eteletseng pele setheo sa boitekanelo kwa motho a kailweng a tlhokafetse e bile setlhodi sa loso se bonagala e le se e seng sa tlholego, o tshwanetse ka bonako go itsese Tirelo ya Sepodisi ya Aforika Borwa le Tirelo ka ga loso lo.
b Ka motsi wa loso le le tlhagelelang mo tseleng ya go leba kwa setheong sa boitekanelo kgotsa le le tlhagelelang fa go gorogiwa kwa setheong sa boitekanelo motho yo o eteletseng pele setheo seo sa boitekanelo o tshwanetse ka bonako go itsese Tirelo ya Sepodisi ya Aforika Borwa le Tirelo ka ga loso lo fa loso loo lo bonagala e le lo e seng lwa tlholego.
Ka motsi wa loso le le tlhagelelang kwa lefelong lengwe fela ntle le setheo sa boitekanelo, Tirelo e ka tlosa setopo mo tiragalong ya loso morago ga fa Motlhankedi wa Patlisiso a se na go neelana ka tela e e kwadilweng ya go tlosiwa ga setopo ke Tirelo.
Tirelo e tshwanetse go tlosa setopo le go se rwala go ya ka Melawana ya Dikaelo, go se lebisa kwa lefelong le le tlhophilweng morago ga tetla e e kwadilweng ya Motlhankedi wa Patlisiso.
Setopo se ka tlosiwa mo lefelong le lengwe go leba kwa go le lengwe fela morago ga tumelelo e e kwadilweng ya motho yo o eteletseng pele lefelo le setopo se tlosiwang kwa go lona.
b Tumelelo e e akanngwang mo temaneng ya a e tshwanetse go bontsha dikgobalo, fa di le teng, tse setopo se ka tswang se na le tsona kgotsa matshwao a a ka tswang a nnile teng ka motsi wa go bewa. Go bewa mo ntlheng e go akaretsa tlhatlhobo ya setopo kgotsa thulaganyo nngwe fela ya boitekanelo e e amang setopo se.
c setopo se se lemogiwa ka nakwana ka leina kgotsa ka nomoro ya kwadiso e e akanngwang mo temeng (b); e bile d fa go se na rekhoto ya boitekanelo kgotsa hisitori , setopo se kaiwa le go supiwa e le kgetsi ya "kotsi ya tshwaetsego".
Lefelo le le tlhophilweng ga le a tshwanela go amogela setopo go tswa kwa lefelong le lengwe le le tlhophilweng ntle le tetla e e kwadilweng ya motho yo o rweleng maikarabelo a lefelo le le tlhophilweng le setopo se neng sa tlosiwa kwa go lona.
a setshwantsho sa sefatlhego sa moswi se a tsewa; le b gore menwana yotlhe ya moswi e a tsewa.
Melawaneng ya Dikaelo.
b Setopo tse se kailweng go ya ka molawana 11 d se tshwanetse go tshwarwa badiri ba ba katiseditsweng tiro e e bile setopo se se tshwanetse go tsenngwa mo kgetseng e e siameng.
Motho yo o rweleng maikarabelo a lefelo le le tlhophilweng o tshwanetse go netefatsa gore themphereitšha ya setsidifatsi sengwe le sengwe se se nang le setopo e rekhotiwa mo kerafong gabedi ka letsatsi.
Phitlhelelo ya ditsidifatsi e tshwanetse go laolwa e bile motho yo o dumelelwang ke motho yo o rweleng maikarabelo a lefelo le le tlhophilweng go tlosa setopo, o tshwanetse go rekhota go tlosiwa go ga setopo ka mo bukeng ya ditiragalo.
a kwa felong le le tlhophilweng kgotsa kwa setheong; e bile b fa tlhatlhobo ya setopo e tsamaelana le karolo 661c ya Molao, ka kopo ya motlhankedi wa patlisiso yo o batlisisang loso, kgotsa tumelelo ya magiseterata yo tlhatlhobo ya setopo e ikaelelwang go diriwa mo kgaolong ya gagwe.
Ditlhatlhobo tsa setopo tsa boitekanelo di tshwanetse go diriwa mo malatsing a le supa a tumelelo e e kwadilweng e e amogetsweng ke motho yo o rweleng maikarabelo a lefelo.
Tlhatlhobo ya setopo e ka diriwa fela ke motho yo o dumeletsweng yo o thapilweng ke Tlhogo ya Lefapha go dira tiro e.
Motho yo o dumeletsweng a ka ikgolaganya le diporofešenale tse di maleba le go kopa diporofešenale tse go nna le seabe mo tlhatlhobong ya setopo le go nna le seabe malebana le tlhatlhobo ya go ya pele ya setopo: Le gore motho yo yo o dumeletsweng o somarela tshwanelo ya go laola tshwetso ya diporofešenale tse morago ga go sekaseka tshwetso ya bona.
Moithuti wa modiri kgotsa mokatisiwa mo go tsa malwetse tsa forensiki a ka nna le seabe mo tlhatlhobong ya setopo fela ka fa tlase ga kaelo le tlhokomelo ya tlhamalalo ya motho yo o dumeletsweng.
Go ikaegilwe ka molao mongwe le mongwe, motho yo o dumeletsweng, a ka romela malebana le tlhatlhobo, kgotsa a dira gore go romelwe, go setheo se se dumeletsweng, ditogwa dingwe le dingwe, diedi, selo, kgotsa dilo tse di amang le setopo se, ka maikaelelo a go tlhotlhomisa setlhodi le lebaka la loso lwa motho kgotsa go diragatsa tsamaiso ya dithulaganyo le tsamaiso ya bosiamisi.
Motho yo o dumeletsweng ke ena fela yo o nang le thata ya go swetsa go sega setopo, kgotsa go tlosa karolo nngwe le nngwe, serwe kgotsa diteng tsa setopo se mabapi le patlisiso e e kgethegileng.
a motlhankedi wa patlisiso yo o batlisisang setlhodi sa loso; kgotsa b motho yo o dumeletsweng, a ka dira kopo go magiseterata yo setlhodi sa loso se batlisiwang mo kgaolong ya gagwe kgotsa go motho yo o dumeletsweng, go nna teng kwa tlhatlhobong ya setopo.
Motho yo o kailweng mo molawaneng 24 o tshwanetse go bontsha kgatlhego ya dilwana mo dipholong tsa tlhatlhobo e ya setopo, go magiseterata kgotsa go motho yo o dumeletsweng.
a motho yo wa tsa malwetse wa forensiki, motlhankedi wa boitekanelo wa forensiki kgotsa motho wa tsa boitekanelo a sa nne le seabe mo tlhatlhobong ya setopo; e bile b kopo e e sa tlhole tiego e e feteletseng malebana le go diriwa ga tlhatlhobo ya setopo.
Go sa kgathalesege molawana 24, motho yo o dumeletsweng a ka letla batlhankedi ba ba rileng ba ba dumeletsweng ba lefelo le le tlhophilweng kwa tlhatlhobo ya setopo e tshwaneng go diriwa kwa go lona, go mo thusa ka tlhatlhobo e ya setopo le go dira ditiro tse di rileng tse di amegang.
Fa motho yo o dumeletsweng a ganne kopo e e akanngwang mo molawaneng 26, mabaka a a kwadilweng a tshwanetse go romelwa go motho yo o maleba mo sebakeng sa diura di le 72 malebana le go ganwa ga kopo e e akanngwa mo molawaneng 26.
Mongwe le mongwe yo o kgopisitsweng ke tshwetso ya motho yo o dumeletsweng a ka dira boikuelo go Tlhogo ya Lefapha mo sebakeng sa diura di le 48 morago ga go itsisewe ka tshwetso ya go gana kopo e e akanngwang mo molawaneng 26.
Motho yo o rweleng maikarabelo a lefelo le le tlhophilweng kwa tlhatlhobo ya setopo e neng ya diriwa kwa go lona o tshwanetse go dira dikgato tsa taolo go ya ka molawanapotlana go thibela phitlhelelo e e sa dumelelwang ya direkhoto tse di amanang le ditlhatlhobo tsa setopo le ya lefelo la go baya kwa direkhoto di bewang ka mo go lona.
i karolo nngwe ya sengwe se se dirang sa khomphiutara kgotsa sengwe fela sa ileketeroniki se mo go sona direkhoto tsa setopo di beilweng; kgotsa ii karolo nngwe ya lenaneo le le dirisiwang go rekhota, go baya, go ntsha kgotsa go senola tshedimosetso mo khomphiutareng kgotsa sengwe fela sa ileketeroniki se mo go sona direkhoto tsa setopo di beilweng, o dira tlolomolao e bile o tshwanelwa morago ga go bonwa molato go faeniwa kgotsa go tlhatlhelwa go paka e e sa feteng ngwaga o le mongwe kgotsa faene le go tlhatlhelwa ka bobedi.
Motho yo o rweleng maikarabelo a lefelo le le tlhophilweng o tshwanetse go somarela rejisetara e ka mo go yona faele nngwe le nngwe e e tlosiwang kgotsa karolo ya faele, go tswa mo lefelong la go baya e rekhotiwang, gape e ka mo go yona a tshwanetseng go tsenya dintlha tsotlhe tsa motho yo o dumeletsweng go tlosa faele e kgotsa karolo ya yona, maikaelelo, letlha le nako e e tlositsweng ka yona le e e busitsweng ka yona le tshedimosetso e e tsewrweng mo go yona.
Setopo se ka lemogiwa fela ke mogatse, mokapelo, ngwana yo mogolo, motsadi, motlamedi, abuti yo mogolo, ausi yo mogolo kgotsa motlhokomedi.
Dilwana tsa sebele tsa moswi di tshwanetse go neelwa go motho yo o kailweng mo molawaneng 32 fa motho yo o dumeletsweng yo o dirileng tlhatlhobo ya setopo le motlhankedi wa patlisiso ba kgotsofetse gore dilwana tse tsa sebele ga di tlhokagale jaaka bosupi.
b ga fa motho yo o dumeletsweng a se na go neelana ka tumelelo ya go gololwa ga setopo se; le c fa go tlhokagala, fa sampole ya togwa kgotsa ya madi e e malebana le tshekatsheko ya DNA e se na go kokoanngwa le go bewa sentle.
Fa motho yo o neelanang ka tetla jaaka go kailwe mo molawaneng 33(a) a sa kgone go duelela poloko ya setopo, mmasepala o o laolang lefelo le setopo se neng se beilwe kwa go lona, o tshwanetse go tlamela ka poloko ya motlhoki.
Setopo se se sa lemogiwang se tshwanetse go isiwa kwa setsidifatsing mo sebakeng sa malatsi a le supa a kamogelo, mme fa setopo se se sa lemogiwe mo sebakeng sa malatsi a le 30, mmasepala o o laolang lefelo le le tlhophilweng, o tshwanetse go tlamela ka poloko ya setopo ya motlhoki.
Tlhogo ya Tirelo ya porofense o tshwanetse go itsisewe ka bonako fa lefelo le kopiwa go amogela setopo sa motho yo o tlhokafetseng ka mabaka a e seng a tlholego fa a ntse a tlhatlhetswe ke Tirelo ya Sepodisi ya Aforika Borwa kgotsa Lefapha la Ditirelo tsa Kgopololo jaaka motshwarwa yo o letileng tsheko kgotsa mogolegwa yo bonweng molato.
b malebana le loso fa a tlhatlhetswe ke Tirelo ya Sepodisi ya Aforika Borwa, morago ga fa Bokaedi jo bo Ikemetseng jwa Dingongorego bo se na go itsisewe ka ga tlhatlhobo e ya setopo; le c malebana le loso fa a tlhatlhetswe ke Lefapha la Ditirelo tsa Kgopololo, morago ga fa Moatlhodi wa Tlhatlhobo yo o kailweng mo Molaong wa Ditirelo tsa Kgopololo wa 1998 Molao No. 111 wa 1998, a se na go itsisewe ka tlhatlhobo e ya setopo.
Mo mererong e e mabapi le kotsi e e masisi e e tlholang loso lwa batho ba ba fetang 10, Mokaedi wa bosetšhaba yo o rweleng maikarabelo a tsa malwetse a forensiki kgotsa motho yo o mo neetseng tiro e, o tshwanetse go gokaganya thulaganyo ya ditopo go ya ka melawana e le go netefatsa tirisano le Tirelo ya Sepodisi ya Aforika Borwa le Tirelo e loso lo tlhagileng mo porofenseng ya yona.
a gore motho yo o dumeletsweng o etela lefelo la kotsi le Mmatlisisi wa Forensiki; le b gore tlhatlhobo ya setopo e diriwa ntle le tiego e e feteletseng go ya ka melawana e ke Moitseanape-mogolo wa tsa malwetse a Forensiki, kgotsa motlhophiwa wa gagwe, mo setopong sengwe le sengwe se se tlosiwang mo kotsing.
b dikaedi, maemo le dikaelo mabapi le go dira ditirelo tsa malwetse tsa forensiki, go akaretsa maemo a boitekanelo le a polokesego le maemo a a lekaneng a a mabapi le kamogelo ya dimmušara tsa forensiki; le c morero mongwe le mongwe wa setegeniki o o amanang le tsa malwetse a forensiki a a nang le bokao mo dipholising tsa boitekanelo le ditogamaano.
Tlhogo ya Lefapha e tshwanetse go romela dipoelo tsa ngwaga le ngwaga tsa dipalopalo le tsa dipegelo go Mokaedikakaretso ka mokgwa o o tshwanetseng go tlhomamisiwa ke Mokaedikakaretso nako le nako.
Mongwe le mongwe yo o retelelwang ke go obamela dikaelo dingwe le dingwe tsa melawana e o molato wa tlolomolao e bile o tshwanelwa ke faene morago ga go bonwa molato kgotsa go tlhatlhelwa sebaka se se sa feteng dingwaga di le tlhano kgotsa faene le go tlhatlhelwa ka bobedi.
Tlhogo ya Lefapha kgotsa tlhogo ya Tirelo ya porofense a ka, ka lekwalo, le ka maemo a a ka a tlhomamisang, neela kgotsa a rolela thata nngwe le nngwe kgotsa tiro go motlhankedi wa lefapha la porofense kgotsa modiri wa lefelo le le tlhophilweng, ntle le fa go na le thibelo e e rileng ya kemedi e kgotsi tiro.
a tseele Tlhogo ya Lefapha kgotsa tlhogo ya Tirelo ya porofense maikarabelo kgotsa maemo malebana le go dirwa ga tiro e e amegang; kgotsa b thibele go dirwa ga tiro e e amegang ke Tlhogo ya Lefapha kgotsa tlhogo ya Tirelo ya porofense.
Tlhogo ya Lefapha kgotsa tlhogo ya Tirelo ya porofense a ka tlhabolola kgotsa a beela kwa thoko tshwetso nngwe le nngwe e e tserweng ke motho malebana le go diragatsa thata e e neetsweng motho yo.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Ka mo o ka dirang kopo ya ID ka teng.txt</fn>
Fa fela kopo ya gago e tlhamaletse e bile e tladitswe sentle, Lefapha le tlile go kgona go dira lekwaloitshupo la gago ka sebaka sa dikgwedi di le pedi. Fa o dira kopo o tshwanetse go kaya mo kopong ya gago gore o tla tla go itseela lekwaloitshupo la gago kgotsa le tshwanetse go romelwa mo atereseng ya gago.
Tlatsa foromo ya B1-9 e e rebolwang kwa dikantorong tsa Merero ya Selegae naga-ka-bophara.
Setifikeiti se se rebotsweng ke Tlhogo ya bookelo kgotsa ya tleliniki e o belegetsweng kwa go yona.
Duela madi a go rebolwa gape a a kana ka R12-00 mme o boloke resiti ya gago e e tla supiwang mo nakong e e tlang.
Fa o batla go itse kwa Kantoro ya Merero ya Selegae e e leng fa gaufi le wena e leng teng, ka boikokobetso ikgolaganye le kantoro e e leng mo kgaolong ya lona.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Kalafi ya Kemisetso ya Bokgakga.txt</fn>
Kalafi ya Kemisetso ya Bokgakga ka fa e dirang le gore goreng o dirisa kkb?
dimelione tsa batho go ralala lefatshe di dirisitse kkb (kalafi ya kemisetso ya bokgakga) go ba thusa GO TLOGELA go tsuba, selo sa botlhokwa go se gakologelwa fa o rata go fenya disekerete ke gore o tlwaetse bokgakga, e seng disekerete, bokgakga bo go tshola a bofegile, fela bontsi jwa ditlamorago tse di kotsi tsa go goga di tswa mo dipharologanong tsa bogotlhe jwa botlhole le dire tse dingwe mo disekereteng: khabonemonokosaete, bokgakga le khasinojene e e kotsi e e tlholang dikankere, malwetse a pelo le lekgwafo le mathata a mangwe a a farologaneng a bongaka a a masisi.
kkb (kalafi ya kemisetso ya bokgakga) e fokotsa dire tse di kotsi ka bonako, mme e kgotsofatsa bontsi jwa manyora a gago ka go tlamela bokalo bo bo laolegang jwa bokgakga ka bonya ka mo dimetong tse dinnye go fitlha o siame GO TLOGELA, gona o tla tlhoka maikemisetso a a kwa tlase go dirisa kkb (kalafi ya kemisetso ya bokgakga) go na le "nako e e boima ya tlogelo sekerete".
sere sa nicorette se go neela taolo e e matlhagatlhaga mo manyoreng a gago ka dithulaganyo tsa go meta tse di gagametseng.
karolo ya nicorette e laola manyora a gago ka go neela dimeto tse di laolwang le kamego e e tswelelang letsatsi lotlhe. segogamowa sa nicorette se tshola diatla tsa gago di tshwaregile, ka jalo fa e kete o tla latlhegelwa ke tlwaelo ya letsogo go ya molomong ya go goga janong seno se maleba thata mo go wena.
A go Goga Tota go Mosola?
Ke ne ka tlosiwa lebokoso la lentswe morago ga go nna le kankere ka ntlha ya go goga.
Ke ne ke ntse ke akanya gore ga go ne go ntiragalela. Nka se bone kankerefela ke ne ke fositse
Go reng o tlogela?
A o rata GO TLOGELA go goga, mme ga o itse gore o tlogele jang Janong bukana e ke ya gago?
Re tla go thusa go tlogelele ruri- ka go tlhalosa se se go diragalelang fa o emisa go goga, goreng go diragala le ka fa o ka mekamekanang la mathata a o ka kopanang nao.
Ke ne ke na le letshogo le legolo la GO TLOGELA. Ke ne ke ipolela gore: "Ke na le seterese se sentsi, ke tlhakatlhakane, ga ke ise ke fitlhe. Gotlhe fela go lebega go le gontsi. Janong ke ne ka go leka. Ke tlogetse mme janong ke gakgamala gore mathata otlhe a e ne e le ka eng." (Ke gogile 30 ka letsatsi mo malatsing a le 12).
Batho bangwe ba fitlhela go le bonolo thata GO TLOGELA go goga. Ba le mmalwa ba fitlhela go le boima. Fela, mo bathong ba le bantsi, go tlogela ga go bonolo e bile ga go pale.
Ke tlhopile letlha mme ka ema mo go lona. Go ne go le bonolo go na le jaka ke ne ke akantse morago go dipuo tsotlhe tsa go gogela morago.
Ke lekile gararo. Kwa bofelong ke beile pakete mo go nna. Ke dirisitse maatla a maikemisetso mme ke batlile ke tsenwa dibeke tse tharo. Ke ne ke goga tse 20 go ya 40 ka letsatsi dingwaga tse 6.
Nna le tsala re ne ra swetsa go leka mmogo. Re ne ra thusana mme go ne ga nna bonolo.
Ke ne ke goga tse 15 ka letsatsi ka dingwaga tse 34.
Ke ikutlwa ke ritibetse sentle le go itumela. Fa ke leba kwa morago go ne go se boima go le kalo.
Gangwe ke sweditse tota le kakanyo ya me GO TLOGELA. Nka kgona go dira.
Go feta dimelione tse 40 tsa MaAmerika, dimilione tse 11 tsa MaBorithane le dimelione tsa MaAforika Borwa di emisitse go goga ka leruri. Di supile gore fa o rata tota GO TLOGELA - o ka kgona.
Lebagana le selo se o se boifang, mme o dirana le letshogo leo.
Go na le mabaka a le mantsi a go tlogela. Gongwe o tla tshela ka goleele le go itemogela setlhabi se se fokotsegileng le bolwetse. Go ikgolola mo tshwaetsegong e e maatla jaka go goga sekerete go tla go dira gore o ikutlwe o le monate ka wena.
Ga ke rata go laolwa ke disekerete.
Ke tla bo ke gololosegile mo matshwenyegong a gore nka bo ke a ipolaya.
Ga ke ne ke ikutlwa jaka molatlhelwantle kwa dikopanong tsa loago magareng ga ba eseng bagogi.
Ga go sa tlhole go na le diaparo tse di nkgang, ditshela molora tse di leswe, ditompi tsa disekerete go di sela kana dikamore tse di mosi.
Ga ke ne ke dira gore banake ba lwale ka ntlha ya mosi o o leswafetseng.
Ke rata go baya sekao se sentle mo baneng ba me.
Nka se kgotlhele mowa o ba bangwe ba tshwanetseng go o hemela.
Bonela pele mokgwa wa botshelo wa gago o o gololosegileng mo mosing o o itekanetseng.
Janong feleletsa polelo e ka go kwala mabaka a sebele a gago a botlhokwa thata a go tlogela.
Ke sweditse go tlogela ka ntlha ya...
Go ya ka Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo, go goga go tla nna sebakwa sa ntlha se se tlholang loso mo lefatsheng go fitlha ka 2030.
Go setse mo dinageng tse di jaka Dinaga tse di Kopaneng, United Kingdom le Canada, go goga go BOLAYA batho ba le bantsi go na le heroene, khokheine, nnotagi, phamokate, melelo, dipolao, go ipolaya le dikotsi tsa tsela di kopane!
Mo Aforika Borwa malwetse a a amanang le motsoko a bolaya bokana ka batho ba le 25 000 ngwaga mongwe le mongwe. Seno se lekana le Jumbo e e laisitsweng e tletse e sugagana le go bolaya botlhe ba ba palameng MALATSI MANGWE LE MANGWE A LE MATLHANO.
Mme ke ka ntlha ya eng go goga go le kotsi jana?
Mo tlaleleletsong, bana ba ba belegwang ke bomme ba ba gogang ba tshwanelwa ke go belegwa ba le boimatlase, ba nne batlaabalapile kana ba tlhokafale pele ga letsatsi la matsalo la bona la ntlha.
Ke atlile mosadi wa me wa ntlha le go goga sekerete sa ntlha ka letsatsi le lengwe; ga ke ise ke ke ke nne le nako ya motsoko fa e sale.
Ditshika tse di thibegileng di ka tlhola ditlhabi mo maotong fa o itshidilola mme go ka ba ga isa kwa go kgaolweng ga tokololo.
Mathata a sehuba jaka mathata a khemo le pelo a ka go tlogela o nna o robetse dingwaga, o lwela khemo nngwe le nngwe.
Bagogi ka gale ba simolola go nna le mathata fa ba le mo go bo30 le 40, fela le bagogi ba dingwaga tse 18 ga ba a itekanela jaka ditsala tsa bona tse di sa gogeng.
Lelapa la gago le ditsala ba ka bona tshiamelo mo go emiseng go goga ga gago.
Ba ka itumelela mowa o o phepa.
Bana ba ba e seng bagogi ba tshwanelwa go le gonnye go simolola go goga ka bobona.
Ba e seng bagogi ba ba nnang le mogogi ba ka bona kankere le bolwetse jwa pelo go tswa khemong ya go goga mosi wa sekerete sa motho.
Bana ba bannye mo magaeng a bagogi ba tshwanelwa thata ke go nna le asema, kana go robadiwa kwa sepetlele ka nyumonia kana boronkhaetese.
Go wena, lelapa la gago le ditsala tsa gago, dipoelo di simolola mo letsatsing le o emisang go goga.
Dinako dingwe ke nna fela fa pele ga seipone ke itebelele ke hemela teng gase eo ya botlhole. Fa nkabo ke le kwa kampeng ya kokoano mme mongwe a leka go ntira go dira jalo, ke ne ke tla rata go mmolaya.
Mo diureng tse 2 tsa GO TLOGELA, ga go tlhole go na le bokgakga go ya pele mo tseleng ya gago ya madi. Le gale, go ka tsaya malatsi a le 2 gore dikumo tsa bokgakga di tswe mo mmeleng wa gago.
Mo diureng tse 6 go betsa ga pelo ya gago go ya ka bonya mme kgatelelo ya madi a gago e ya kwa tlase go le gonnye. Go ka tsaya malatsi a le 3 go ya 30 gore kgatelelo ya madi e boele kwa tlwaelong.
Magareng ga diura tse 12 le 24, khabonemonokosaete e ntshiwa mo mmeleng wa gago. Bokgoni jwa makgwafo bo a tokafala. O tla bo o tlhaela kwa tlasenyana khemo fa o iteka, mme maatla a a ntseng a tla tokafala.
Mo malatsing a le mmalwa, o tla simolola go utlwala le go nkga boforeše. Makukunyatatso a gago a tla simolola go nna le botshelo mme boleng jwa gago jwa go nkgelela bo tla bowa. O ntse o ka itemogela boitumelo bo bogolo morago ga go fitlhelela sengwe se o neng o akanya se sa kgonege.
Mo malatsing, sehuba se se kokotletseng se a bofologa mo mafatlheng a gago, mme o tla se gotlhola mo dibekeng di le mmalwa tse di latelang. Silia, mokgwa wa mmele wa tlholego wa go phepafatsa, o simolola go itharabolologelwa.
Go ntse go ka tsaya go fitlha dikgwedi tse tharo pele silia e itharabologelwa gotlhelele go phepefatsa bophepa ka nonofo mogogoro wa makgwafo. Mo dibekeng tse 3, makgwafo a gago a dira botoka. Go itshidilola go botoka.
Mo dikgweding tse 2, madi a a elelelang kwa maotong a tokafetse. O tla nna le maatla go feta (mme wa ikutlwa o na le kakanyo ya go go itlotla le kgotsofalo).
Morago ga dikgwedi tse 3, mokgwa wa go phepafatsa makgwafo a gago o tla bo o dira ka tlwaelo. Fa o le monna, sepeme sa gago se tla nna ka tlwaelo go feta mme palo ya tsona e tla oketsega.
Ka bonya, dirwe tsa madi le disele tsa di iphaphatileng le makgwafo a gago di boela kwa mannong. Seno se ka tsaya nako e telele.
Morago ga dikgwedi tse 12, kotsi ya bolwetse jwa seisamadi sa pelo se batla se nna halofo go sa bagogi ba ba tswelelang.
Morago ga dingwaga tse 15, kotsi ya bolwetse jwa seisamadi sa pelo e batla e tshwana le ya ba ba sa gogeng.
Ke nngwe ya maithabiso di le mmalwa tse ke di tlogetseng.
A re lebeleleng ka kelotlhoko selo se se bidiwang "boithabiso." Bo go dira gore o gotlhole, bo lomaloma mogolo wa gago, bo tlogela dipatso mo menwaneng ya gago, bo tlhola leswe, bo kgotlhela mowa, ke kotsi ya molelo, mme morago ga boithabiso jwa gago ga o kgotsofale go fitlhela o goga gape.
Ke jone fela tsala ya me.
Go goga go solofetsa botsala, fela go go tlhaba kwa morago. Go go utswetsa nako, maatla a gago le madi a gago. Go befa ga tsotlhe go ntse go ka go tseela le botshelo jwa gago. Ke ditsala tsa mofuta mang tseo?
Nnete ke gore kgagamalo fela e sekerete tota se e nolofatsang ke go nyorelwa sekerete se sengwe! Go na le ditsela tse di itekanetseng tsa go mekamekana le matshwenyego go na le motsoko.
Ga go nke go nna thari GO TLOGELA go goga. Go sa kgathalesege bogolo jwa gago, kotsi ya go se itekanele go tswa mo go gogeng e a fokotsega fao tlogela. Le gale, go tlogela ka bonako go botoka. Ga go nke go nna ka pele go tlogela.
Mo nakong e go ka nna le pharologano. Thuso ke mogala fela fa gautshwane. Leletsa 720 3145. Keletso mo bukaneng e e diretse dikete tsa ba e neng e le bagogi. Ithute go tswa diphosong tse di fetileng mme o atlege janong.
Swetsa letlha le mo go lona o yang GO TLOGELA.(O se ka wa tsaya tshwetso ya go LEKA. Swetsa ka tlhamalalo GO TLOGELA). Dira letsatsi le ka lona o tla bong o se ka fa tlase ga kgatelelo e ntsi, fela o se ka wa bona maiphitlho a go sutisa letlha la gago la go tlogela. Baya letsatsi le e ka nnang beke go tloga janong mme o siamise monagano go tlogela.
Lelapa, ditsala le badirimmogo ba ka nna thuso e kgolo kwa mongweng yo o ratang GO TLOGELA go goga.
Tsweetswee intshwareleng fa ke le pelo khutshwane kana ke rumolega mo malatsing a le mmalwa a ntlha morago ga fa ke sena GO TLOGELA go goga. Seno se tla tsamaya ka bonako.
O se ka wa nthaela. Go bona le go nkgelela disekerete go tla nketefaletsa GO TLOGELA. Ka jalo, tsweetswee o se ka wa mpha sekerete. E bile, fa go kgonega, o se ka wa goga fa pele ga me.
Nthuse. Nna o ntse o mpolelela gore o itumetse ka ke tlogetse go goga.
Nteboge o mpake. Dira dilo tse dinnye go bontsha gore o motlotlo ka nna.
O se ka wa tshwaya diphoso. Utlwisisa.
Neele thotloetso fa go le thata. Mpolelele gore ke tshwarelele mo teng.
Leka go bona yo o neng a goga go dira jaka motho yo o tshegetsang mongwe yo o fetileng foo ka boena. Bona motho yo o ka mmitsang nako nngwe le nngwe - mongwe yo o tla theetsang, e seng go atlhola. O ntse o ka tsena mo setlhopheng sa tshegetso sa ba e neng e le bagogi - fa go na le sengwe mo kgaolong ya lona.
O tla tlhoka dikemedi tsa go goga ga gago. O ka bona kgotsofalo ya molomo go tswa disenekeng tsa kalori e e kwa tlase, borekhu bo bo tlhafunwang kana dintshamenong. O ka tshola mabogo a gago a tshwaregile ka diphensele, go loga dibaga kana sekwaše sa kgwele.
O tshwanetse o swetse gape gore a o ya go dirisa tsa nako e e boima, borekhu bo bo tlhafunwang kana sesanasana legano, se se nang le bokgakga. Dithuso tse di ka nna botlhokwa thata mo go go thuseng go fokotsa matshwao a pusetso morago morago ga go tlogela. Bua le ngaka ya gago kana rrakhemese ka bonako bo bo kgonegang. Fela o ka tlogela kwa ntle ga go dirisa dithusa.
Ka ntlha ya fa o dira phetogo e kgolo ya botshelo, o tshwanetse go ipha tlhokomelo ya ka gale. Rulaganya ditebogo tse dinnye tse o ka di iphang mo tseleng.
Ditebogo tse di tshwanetse go nna tse di tlhotlhwa godimo. O ka di duelela ka go dirisa madi a o a bolokang ka go se reke disekerete. Dikao dingwe ke dibuka, dithunya, go phaphatwa legetla le go bona nako e ntsinyana ya ditlwaelo tsa gago. Baya madi a o a bolokang mo setsholeng letsatsi le letsatsi mme o bone jaka a gola. Rekela mogatso dimpho le bana go ba lebogela go go thusa.
Tšhono ya gago e e gaisang ya katlego ke go kgaogana ka tlhamalalo le disekerete go na le go fokotsa ka bonya. Fa o leka go fokotsa, sekerete sengwe le sengwe se nna botlhokwa mo go wena, go go dirang gore go nne thata go latlha disekerete di le mmalwa tsa bofelo.
Le gale, mongwe le mongwe o farologane, mme o ntse o ka rata go fokotsa ka bonya pele o tlogela.
Simolola go fokotsa palo ya kgogo e o e dirang mo sekereteng sengwe le sengwe. Simolola ka go thala sekeletsa go dikologa sekerete sa gago kwa ntlheng e e fa gare. Goga fela go fitlha fa ntlheng e o be o emisa. Letsatsi le letsatsi sutisetsa tshekeletsa go ya tlase ka go rialo o goga go le gonnye le go feta jalo ga sekerete sengwe le sengwe.
Mokgwa o o botoka wa go tlogela go goga ke go tlogela fela ka gangwe - ga go fa go ka re, le kgotsa mme fela.
Tsenya lebanta le le taologang go dikologa pakete ya sekerete sa gago gore go bula sekhurumelo, o gapelesege go se tlosa. Seno se tla go thibela ka go itlela go fitlhelela sekerete gone o tshwanetse go dira tshwetso e e thathamologetsweng ya go goga.
Ka jalo, go tloga gompieno, goga fela disekerete tse o totang o di tlhoka.
E re fela 'nnyaa!'
Goga fela disekerete tsa gago, mme o gane tsotlhe tse o di abelwang go tloga janong go ya pele.
Latlha disekerete tsotlhe tsa gago, le sa bofelo. Tlhomamisa gore ga o na disekerete tse di setseng, le ditompi tota.
Latlha mekgwaro le ditsholamelora tota. "Se o sa se boning, se tswa mo kakanyong."
Emisetsa disekerete ka borekhu bo bo senang sukiri, matlhaka, dintshamenong kana dibaga tse di logang go tshola diatla le molomo wa gago di tshwaregile.
Nna ka tsholofelo. GO TLOGELA go goga ke kgwetlho. O ka go kgona!
Fa o dirisa dithusa jaka borekhu jwa bokgakga, matheriale wa go tlogedisa go goga kana segasi, tlhomamisa gore o itse gore di dirisiwa jang. Buisa pakete e e tsentsweng ka tlhokomelo.
Goga sekerete sa gago sa bofelo mme o re sala sentle mmaba wa bogologolo.
Gompieno ke letsatsi le le kgethegileng - ke LETSATSI LA GO TLOGELA. Ke letsatsi la go nna yo o siameng mo go wena. Dira ka iketlo, mme o se ka wa itsenya mo kgatelelong thata.
GO TLOGELA go goga gotlhelele go lebega jaka kgato e kgolo.O se ka wa akanya ka gore ga o kitla o goga gape. Akanya ka go tlogela go ya ka letsatsi le le lengwe ka nako. Ipolelele fela gore: "Ga ke ne ke goga gompieno" - mme o se ka. Dira letsatsi la ntlha letsatsi le legolo. Gongwe nna mo bolaong go fitlha thari - kana o tsoge segolo mo mosong. Tsaya matute a maungo jaka sefitlholo. Botšarara bo tla thusa go tlosa bokgakga. Rulaganya go ithabisa kwa bofelong jwa letsatsi jaka tebogo ya go se goge. Ikutlwe o le motlotlo mme o itholele futshe kwa bofelong jwa letsatsi lengwe le lengwe ka katlego ya gago.
Maikaelelo a gago ke go fitlhelela letsatsi. Dirana le KELETSO ka nako mme o e fenye.
Tsweletsa tikologo e e phepa, e e foreše e go sa gogiweng go go dikologa.
Efoga bagogi. Nna nako e ntsi le ba ba sa gogeng.
Efoga mafelo a kwa o neng o tlwaetse go goga mme o se nne mo dikarolong tsa go goga.
Mo bekeng ya ntlha kana tse pedi, leka go efoga bojalwa, kofi le dino tse dingwe tse o di golaganyang le go goga.
Ikgopotse ka mabaka a GO TLOGELA go goga.
Ipolelele gore :"Ke tlhopha gore ke se goge."
Ikatisetse :"Di se dire tse 5" tse di tlhagisitsweng fa tlase.
Dirisa borekhu jwa bokgakga, matheriale wa go tlogedisa go goga kana segasi fa o ikaelela go dirisa nngwe ya tse.
Seno se bonolo, fela ke tsela e e nonofileng go efoga go goga. Tota o tshwanetse go nwa magareng ga digalase tse 8 - 10 tsa metsi kana matute a maungo ka letsatsi. Metsi a tla go thusa go tlhatswa bokgakga go tswa mmeleng wa gago. O se ka wa nwa metsi a le mantsi thata fa o dirisa matheriale wa bokgakga, borekhu kana segasi.
Fa re sa fetoge ga re gole. Fa re sa gole ga re tshele e le ka nnete [kgolo] e kaya go tlogela tse di tlwaelegileng mme go lekanyetsa dipaterone.
Nna o ritibetse o edile ka go hemela kwa teng.
Go nna o tshwaregile go ka thusa go tshola kakanyo ya gago kgakala le disekerete. Sekao, morago ga dijo o se ka wa nna kwa tafoleng- phepafatsa, phepafatsa meno a gago, e ya go tsamaya, tlhatswa koloi kana o tlhapise ntšwa.
Dira lenane la ditiro tse di bonako le tse di bonolo mme o dire nngwe ya tse fa KELETSO ya go goga e tla. O ka leka go dira malepa a mafoko a a putlaganyang. Buisa makasine. Reetsa mmino. Ketlolaketlola segwete. Tsena mo bateng o tlhape go itapolosa.
Go bua ka dilo tse di ka go thusang go ikutlwa botoka. Go bua le yo o neng a goga e ka nna thuso e kgolo. Kana leletsa 'Motsoko kana Mogala wa Tshedimosetso ya Boitekanelo' mo go 720-3145 go bona keletso ya seporofešenale.
KELETSO go goga e tshwarelela fela metsotso e le mmalwa e bo janong e timelela. Fa KELETSO e se bokete thata o ka e ntshetsa fela kwa ntle. Bala go fitlha 100, kana o boke leboko, kana thapelo. Lenyora le ka fenngwa.
Iphe ditaelo:" O se ka wa e dira," "Emisa," Seno se ka nna se se boima, fela nka se dira."
Fa o simolola go akanya ka fa go ka nnang monate ka teng go goga, bogolo ikakanyetse makgwafo a a sebala sa sekonteri se se ntsho. Kana akanya ka fa batho ba tla swabang ka teng fa o simolola go goga gape.
Ikgopotse dilo tse do go tlosang mo sekereteng kana tse di go itumedisang gore o be o tlogela.
Mme fa o ikutlwa o wele mowa, itsose ka go ikakanya jaka yo o itekanetseng, yo o hemang bonolo le go itumelela botshelo. Ke mang a tlhokang go gogoulwa?
O se kwa wa ikutlwela botlhoko. O ne o se motswasetlhabelo. Janong o mofenyi. Motsoko o ka fenngwa!
Beke ya ntlha morago ga GO TLOGELA, o tla fitlhela gongwe e le e e boima go gaisa. Morago ga foo, mathata a nna a a laolegang go feta.
Batho bangwe ga ba itemogele ditlamorago tsa dilo tse dingwe kana matshwao a go ikgonara gotlhelele, fela bontsi jwa batho ba tla itemogela matshwao a le mmalwa. Tseno ka gale di a timelela morago ga dibeke tse di ka nnang pedi, fela dingwe, jaka go nyorwa le tlala, di ka nna tsa tsaya sebaka.
Ka gale go tsaya bokana ka dikgwedi tse tharo pele o nna sentle gotlhelele ka botshelo jwa gago bo bo ša jaka yo o sa gogeng.
Ga go batho ba le babedi ba ba tshwanang - o tshwana o le esi. Bontsi jwa maele a go mekamekana le GO TLOGELA go goga di tla go direla - fa a mangwe a ka se dire. Go tswa mo go wena go tlhopha ao a tla go direlang.
Nkampa ka nna yo o sa gogeng ka KELETSO ya sewelo ya go goga go na le mogogi ka KELETSO e e tswelelang ya go tlogela.
O ntse o ka lemoga diphetogo di le mmalwa tsa mmele le maikutlo morago ga GO TLOGELA. Tseno di tla tswelela malatsi a le mmalwa morago ga go tlogela mme di siame di tlwaelege.
KELETSO e e maatla ya go goga ka gale e salela 1-5 ya metsotso pele e nyelela. Dira sengwe go go tshwarelela go fitlha maikutlo a feta- Nwa metsi, dira itshidilolo ya go hema.
Dira dilo tsa gago ka bonya go feta. O se wa ikgarametsa thata mo malatsing a le mmalwa a a latelang. Dira itshidilolo ka gale. Dira dinakwana tse di khutshwane o be o tsaya nako ya go ikhutsa. Tlhomamisa gore o ja sentle.
Nwa metsi a a thutafetseng. Go gotlhola go tla tsamaya ka bogona.
E ya go tsamaya tsamaya, Ikolobetse mo bateng e e bolelo, o leke mekgrwa ya go itapolosa. Bua le mongwe ka maikutlo a gago.
Itshidilolo e e lekanetseng (go tsamaya ka pele ga metsotso e le metlhano go ya e le lesome) e ka thusa go tsholetsa maikutlo a gago. Mathata a gago a ka rarabologa. Tshwaragana le tsona bongwe ka bongwe kana go le gonnye jalo jalo.
Ja phophokone, digwete, diphurune le diseneke tse dingwe tsa khalori e e kwa tlase. Leka go ja dijo tse dinnye tse 6 ka letsatsi. Nwa metsi a le mantsi.
Ikolobetse mo bateng mme o bone galase ya maši a a bolelo pele o ya kwa bolaong. Fa o sa kgone go robala, tsoga o buise- kana o reetse radio. Go itshidilola pele o ya go robala le gona go ka thusa.
Tshola tatso e e foreše mo leganong la gago ka go boraša meno a gago kgabetsa le go dirisa setlhatswa legano kana segasi sa mowa o o foreše.
Dira itshidilolo e e taolosang.
Nna le go ikhutsa go go lekaneng.
Iphe nako ya ditiro tseo tse tota di leng botlhokwa mo go wena.
Thekeneki ke e, e e bonolo go go thusa go bofolola le go ikutlwa o ritibetse. Ka la ntlheng, fokotsa modumo o o fa gaufi. Nna o phuthologe, tswala matlho a gago mme o hemele kwa tlase. Utlwelela go hema ga gago mme o bue lefoko "ritibala" kana "lapologa" jaka o hemela ntle.
Ka bogare, bagogi ba oketsa ka 2kg morago ga go tlogela. Nako seno ke ka ntlha ya fa mmele wa gago o dirisa maatla a a kwa tlase go na le pele. Ka gantsi, ke ka ntlha ya fa ba ba ba sa tswang go tlogela ba ja mo boemong jwa go goga.
Rulaganya dijo tsa gago. Ja dijo tse dinnye tse 3-6 boemong jwa dijo di le dingwe tse dikgolo.
Efoga dijo tse di mafura.
Ja bontsi jwa maungo a a foreše le merogo.
Nna o le matlhagatlhaga- dira itshidilolo tse dintsi sk.
O se ka wa tshoga fa o oketsa boima bo bo rileng. Boima jwa gago bo tla ema kwa bofelong mme mo nakong o tla latlhegelwa ke dingwe tsa dikilogerama tse di feteletseng.
Go goga ga se tsela ya go laola boima: Go na le ditsela tse di botoka go dira jalo. Dipoelo tsa GO TLOGELA go goga di feta dikotsi kgakala tsa go oketsa dikilogerama di le mmalwa. Go bona tshedimosetso e e feteletseng ka go ja go go itekanetseng leletsa Heart Foundation ya Aforika Borwa mo mogaleng wa thuso 0800 223 222.
Fa o goga...
Sengwe ga se a tsamaya sentle! O ne o na le sekerete. O ikutlwa o le molato, mme o mo kotsing ya go boela morago kwa go gogeng. Ga o tlhoke go dira jalo!
Ithute go tswa mo maitemogelong. Ke eng se se tlhodileng KELETSO ya gago ya go goga A e ne e le tebego le monkgo wa disekerete A e ne e le maitemogelo a a tshwenyegang Ke eng se o ka bong o se dirile go efoga go goga O tla mekamekana jang le KELETSO ya go goga nako e e tlang?
Janong lebelela mabaka a gago a GO TLOGELA mme o ipolele: "Ga ke ye go letla maiteko a go ya tatlhegong. Ke santse ke le yo o sa gogeng!" Janong o be o tswelela fa o feletseng teng.
Letsatsi le le Lengwe ka Nako...
Gompieno ke kgwetlho e e lekaneng; go reng o tsaya le ya ka moso mmogo Dirisa didirisiwa tsa go kgaratlha tsa gago jaka Kheti ya go Falola! Ya gago, motho yo o go tshegetsang, go hemela teng ga gago mme o gakologelwe go itshidilola?
Nna pelotelele! Se se feteletseng se tla bo se fetile mo bekeng, fela go ka tsaya dikgwedi tse 3 go nna sentle jaaka yo o sa gogeng.
Go tloga dibekeng tsa 2 go ya 6...
Morago ga tse di feteletseng tsa go ikgonara ga mmele go fetile, o ntse o ka tlhoka go dirana le kgaratlho ya monagano. Ka jalo tlhomamisa go itebogela go ema kgakala le disekerete. Fa KELETSO ya go goga e tla, ipuelele go tswa mo go yona. "Ke tlhopha go se goge." E re "NNYAA!" gompieno, ka moso le letsatsi lengwe le lengwe morago ga foo.
Go akanya gore sekerete se le sengwe ga se ne se utlwisa botlhoko - se tla dira jalo. Ke batho ba le mmalwa ba ba ka gogang fela ka selebalo . O nna mogogi kana ga o ena.
Go keteka. Kgobokano ya bagogi le go nna teng ga bojalwa ke kopano e e kotsi - ka jalo tlhokomela. O se ka wa ipha tetla go goga ; iphe tetla ya go nna nna o itekanetse.
Tlhakatlhakano. Dilo di lebega di le maswe , seo ga se tshwenye gore a o a goga kana Nnyaa. Fela tlhakatlhakano nngwe le nngwe e tla feta. Mme fa go fedile , o tla tshwanelwa ke go tlogela gape ka tsela eo yotlhe.
O dirile sentle ! O emisitse go goga.
GO GOGA ke se sengwe gotlhelele.
Go fitlha mo kgatong e, o tla bo o lemogile gore batho ba emisitse go imakatsa ka mokgwa o o dirileng sentle ka teng. Go ya ka bona, gotlhe go fedile. Fela wena o itse botoka. O SE KA WA LETLA PHISEGO YA GAGO GO NGOTLEGA. Go nna o gololosegile mo disekereteng ke tlwaelo gape. Go nna motho yo o sa gogeng nako e telele go tla lebega e le ka tlholego jalo.
E tla nna nako e kana kang pele lenyora le fela?
Go boima go tlhomamisa tota. Mo bathing ba bangwe go tsaya malatsi a le mmalwa. Mo go ba bangwe lenyora la go goga le tsaya nako e telejana - le fa le nna botoka ka bonya ka bonya.
Tsela e e e botoka go bolaya KELETSO ke go e bolaisa tlala. Ka jalo fa o e otla ka go goga - e tla tia le go feta.
Ke ka ntlha ya eng go sa nne boima go nna kgakala le disekerete?
Fa fela o solofela go itumelela sekerete, kana o solofela gore se tla go tlosa go sa iketlang - keletso ya gago ya go goga e tla sala go nna teng.
O tla lokologa mo disekereteng fa go goga go sa tlhole go tshameka karolo mo botshelong jwa gago.
Tota sekeretenyana se le sengwe ga se ne se gobatsa morago ga fa ke setse ke tlogetse go goga?
Sekerete se le sengwe se ka isa kwa "se le sengwenyana fela gape" mme pele o itse, o tla bo o boetse gape kwa morago kwa o simolotseng.
A nka se goge se le sengwe go iteka, kana go bona gore go utlwala jang go goga?
Tseno ke maipato a go goga. Fa o lebetse gore sekerete se latswega jang - itumele. Ga o tlhoke go itekela ka go leka sekerete se sengwe. O setse o falotse teko ya botlhokwa thata. O tlogetse.
Go ka reng fa nka simolola gape O se ka wa itlhoboga, ga go kaye gore o paletswe. Ga se mongwe le mongwe yo o kgonang nako ya ntlha. Batho ba le bantsi ba leka makgetlho a le mantsi pele ba tlogela la bofelo gotlhelele. Nako nngwe le nngwe o leka, o ka ithuta sengwe, se se tla go thusang nako e e tlang. Ka jalo, le fa o akanya o latlhegetswe ke ntwa, o ntse o ka fenya ntwa?
Ipaakanye, tlhopha letsatsi GO TLOGELA gape, mme o tswelele go dira TSHIMOLOLO E E FOREŠE! Go botoka le gale GO TLOGELA GANGWE LE GO NNA O TLOGETSE.
Borekhu jwa bokgakga bo thusa go le kae, dimatheriale tsa go tlogedisa go goga le segasi?
Tseno di tlhomamisitswe di dira. Dibaka tsa gago tsa katlego di tla nna sebedi fa di dirisitswe mmogo le dikaelo tse dingwe mo bukaneng e.
Mme ke tla itse jang fa ke gololosegile?
Fa o sa tlhole o akanya ka disekerete. Fa o sa tlhole o bula malatsi. Fa o emisa go belafala ka go tlogela, mme o itumela gore o dirile. Fa go nna motho yo o sa gogeng go bontsha e le tsela ya tlholego go nna jalo.
Tsweetswee ikgolaganye le ngaka ya gago go bona keletso le tshedimosetso.
Tebego ya kwa ntle ya letshwafo la tlwaelo la motho yo o sa gogeng wa bogolo jwa dingwaga tse 45 go ya 55. Marontho a mantsho a mannye mo letshwafong ke masaladi a khabone go tswa mo go hemeng mowa wa setoropo o o kgotlhelegileng.
Letshwafo le le nang le khensa le magwata le lebega le farologane go tswa letshwafong le le tlwaelegileng. Go tlhoga go go sweukwa bofelong jwa ka fa godimo ke kankere. Tshenyego e ntsho kwa bodilong jwa letshwafo e tswa mo dikgetsaneng tsa mowa tse di tlalang mowa mme di bake mathata a khemo le a pelo.
E seng wena kana segolo thata gongwe, bao ba ba go ratang, ba tshwanetse go lebagana le ntwa e e tshwanang le e. Go tlhagelela gore go tlogela ga go gaufi jaka go le boima go na le boima go na le jaka o sa boima go na le jaka o sa tlogele.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Ke tshwanetse go dira eng.txt</fn>
Ke tshwanetse go dira eng fa akhaonto ya banka e tšhelete e neng e tshwanetse go tsenngwa ka mo go yona e tswetswe?
Neela Kgotla dintlha tse dintšhwa tsa banka.
Motlhankedi wa Tlamelo o tla itsise molatofadiwa ka ga dintlha tse dintšhwa tsa gago tsa banka le tšhelete e a e kolotang.
Dintlha tse dintšhwa tsa banka di tla rekhotiwa mo faeleng ya tlamelo.
Go diragala eng fa motho yo o tsayang tšhelete ya Tlamelo a lwala, a golofala, a tlhokafala kgotsa a le kwa ntle ga naga?
Ka motsi wa loso, Motlhophiwa wa boswa jwa mokopi kgotsa Motlamedi wa ngwana, o neelwa tetla ya go tsaya tšhelete.
Ka motsi wa bolwetse, bogole kgotsa fa motho yo o letleletsweng a le kwa ntle ga naga, mongwe o tshwanetse go tlhophiwa. Se, se ka diriwa ka go rebolwa ga tokomane ya Thata ya Mmueledi e e letlelelang mongwe yoo go tsaya tlamelo.
Lefapha la Katlaatleloloago (Modirediloago) le ka bonwa malebana le thuso.
Ke tshwanetse go leba kwa kae mabapi le ditshwanelo tsa Pabalelo le tsa Phitlhelelo?
Fa o batla tshedimosetso ka ga Pabalelo le Phitlhelelo, bona kantoro ya Mmueledi wa Lapa.
Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo.
Bokaedibogolo: Thotloetso ya Ditshwanelo tsa Ditlhopha tse di mo Kotsing.
Ke lopa tuelo ya Tlamelo jang?
Se o tshwanetseng go se itse!
Kgotla e bulwa leng?
Ke tshwanetse go ya kwa kae fa ke goroga kwa Kgotla?
Ka gale e ya pele kwa Tesekeng ya Tshedimosetso gore o tle o kaelwe kwa lefelong le le maleba.
Ke tshwanetse go itse jang gore tšhelete e duetswe?
Ka gale letsa pele o ya kwa Kgotla, go netefatsa fa tšhelete e duetswe.
Fa tšhelete e sa duelwa, Kgotla sa ntlha e tla leka go batlisisa fa tuelo e dirilwe, mme fa e sa diriwa, e tla go bolelela se se tshwanetseng go diriwa.
Ke tshwanetse go ema sebaka se se kana kang gore ke duelwe tšhelete?
Letlha la tuelo le ikaegile ka Taelo ya Kgotla.
Motho yo o rweleng maikarabelo o tshwanetse go duela kwa kgotla gore o tle o duelwe.
Tuelo ga e kgone go batlisisiwa ka ntlha ya nomorotshupetso e e fosagetseng e e neetsweng.
Gakologelwa gore fa tšhelete e duetswe KA TŠHEKE ka mo akhaontong ya banka ya gago, tšhelete E TLA NNA TENG FELA morago ga malatsi a le SUPA.
Ga ke itumelele go dirisa akhaonto ya banka.
Gakologelwa gore go babalesegile gape go mosola go dirisa akhaonto ya gago ya banka go na le gore tuelo e duelwe Kgotla ka seatla kgotsa ka taolo ya kgapelo.
Ke dikgato dife tse ke tshwanetseng go di tsaya fa ke sa bone tšhelete ka mo akhaotong ya banka ya me?
Kopa seteitemente ka botlalo (e seng seteitemente se sennye) sa akhaonto ya banka ya gago kwa khaontareng ya banka ya lona ya selegae kgotsa kwa ATM.
Isa seteitemente sa banka mmogo le Lekwaloitshupo la gago kwa Kgotleng.
Kgotla e tla rebola tagafara go simolola ditšhatšhe tsa tlolomolao kgatlhanong le motho yo o rweleng maikarabelo a tuelo.
Fa ke le motho yo o duelang tšhelete ya Tlamelo, ke tshwanetse go dira eng?
Taolo ya kgapelo-setlamo se o dirang mo go sona se tsaya tšhelete ka tlhamalalo mo tuelong ya gago.
Tuelo ya mo seatleng-o ka nna wa ya kwa Kgotla go duela tšhelete mo khaontareng.
Tuelo ya tlhamalalo ka mo akhaontong ya banka-o tsenya tšhelete ka mo akhaontong ya banka ya motho yo o tshwanelwang ke tšhelete.
Mofuta wa gago wa tuelo o tshwanetse go rekhotiwa mo Taelong ya Kgotla.
Nomorotshupetso e e rebotsweng ke Kgotla e tshwanetse ka gale go neelwa fa o tsenya tšhelete ka tlhamalalo ka mo akhaontong ya banka kgotsa fa o duela tšhelete mo akhaontong.
Ka gale fekesetsa sesupo sa tuelo (setlankana sa dipositi kgotsa resiti) kwa Kgotleng fa o duela ka tlhamalalo ka mo akhaontong ya banka ya Kgotla.
Goreng ke tlhoka letlha la Tsheko?
Go neela Kgotla sebaka sa go itsise motsadi yo o amegang go nna teng mo theetsong.
Goreng go le botlhokwa gore batsadi ka bobedi ba tle kwa Kgotla?
Ke gore go tle go fitlhelelwe tumalano malebana le tšhelete ya Tlamelo e e tlhokagalang le tšhelete e motho yo o rweleng maikarabelo a ka kgonang go e duela.
Ke eng se ke tshwanetseng go se dirisa jaaka Nomorotshupetso?
Nomoro e tlhagelela mo Karateng ya gago ya Tlamelo ya mmala wa namune.
Tsweetswee tlhagisa nomoro ya gago fa o dira dipatlisiso ka ga morero wa gago.
Ke tla ema sebaka se se kana kang gore Taelo ya Kgotla e rebolwe?
Se, se ikaega ka tirisanommogo ya batsadi ka bobedi. Fa batsadi ka bobedi ba ka fitlhelela tumalano, tuelo ya ntlha e tshwanetse go diriwa go ya ka Taelo ya Kgotla.
Ke ditsela dife tse di farologaneng tse nka di dirisang go tsaya tšhelete ya Tlamelo?
Taolo ya kgapelo-setlamo se tsaya tšhelete ka tlhamalalo mo tuelong ya motho yo o rweleng maikarabelo mme se a tsenya ka mo akhaontong ya banka ya Kgotla.
Tuelo ya mo seatleng-o tsaya tšhelete mo khaontareng kwa kgotla.
Tuelo ya tlhamalalo ka mo akhantong ya banka ya gago-molatofadiwa o tsenya tšhelete ka mo akhaontong ya banka ya gago.
Tsela e e siameng ya go tsaya Tlamelo ke ka tuelo ka tlhamalalo ka mo akhaontong ya banka ya gago.
Ga o senyegelwe ke nako ya go ya kwa tirong.
Ke lopa tuelo ya Tlamelo jang?
Ditshwanelo tsa me ke dife?
Ke tiro ya batsadi ka bobedi go tlamela ngwana wa bona ka tšhelete.
Se, se akaretsa tse di malebana le go duelela dijo, diaparo, bonno, tsa boitekanelo le tsa thuto.
Tšhelete ya tlamelo e tla sekasekiwa go lebilwe lotseno lwa motsadi mongwe le mongwe.
Motho yo o rweleng maikarabelo a go duela tlamelo o na le tshwanelo ya go ikuela kgatlhanong le taelo ya tlamelo.
Fa motho yo o rweleng maikarabelo a go duela tlamelo a sa duele, ngongorego e ka tsenngwa kwa Kgotleng ya Tlamelo.
Malebana le tlhalo, mosadi yo o tlhadilweng o tshwanelwa ke go bona tlamelo fa e le gore e ne ya akarediwa jaaka karolo ya thulaganyo ya kgotla ya tlhalo.
Nka bona Kgotla ya Tlamelo leng?
Fa motsadi yo o amegang a sa rebole tlamelo ya ngwana kgotsa ya lapa.
Fa o dira kopo ya Tlamelo lokgetlho lwa ntlha.
Fa Kgotla ya Tlhalo e rebotse taelo; go bula faele gore kgotla e itsise motho yo o amegang gore dituelo di tshwanetse go diriwa leng, jang le kwa kae.
Fa o dira kopo ya koketso kgotsa phokotso ya taelo e e leng teng ya tlamelo.
Ke Kgotla efe e ke tshwanetseng go ya kwa go yona go dira kopo ya tšhelete ya Tlamelo?
Tsweetswee ikgolaganye le Kgotla ya lona e e fa gaufi ka mogala ka ba tla kgona go go thusa ka tshedimosetso e e maleba. (Kgotla ya kwa kgaolong e ngwana kgotsa motho yo o tshwanetseng go tlamelwa a nnang kwa go yona).
Ke batla go lopa tuelo ya tšhelete ya Tlamelo-ke tshwanetse go dira kopo ya yona jang?
Leletsa Kgotla ya lona ya selegae go batlisisa gore ke kgotla efe e e maleba e o ka yang kwa go yona malebana le Tlamelo.
Leletsa Kgotla eo ya Tlamelo go tlhomamisa se o tshwaneng go tla le sona mabapi le go dira kopo ya tšhelete ya Tlamelo.
E ya kwa Kgotla go tlatsa foromo ya kopo.
Kgotla e tla go neela letlha le wena le molatofadiwa (motsadi yo mongwe) lo tshwanetseng go tla kwa Kgotla ka lona.
Kgotla e tla rebolela molatofadiwa (motsadi yo mongwe) tagafara go tlhagelela fa pele ga Kgotla ka letlha le le rileng.
Thulaganyo yotlhe go simolola ka go dira kopo ya Tlamelo go fitlha ka go amogela tuelo ya ntlha e ka tsaya dibeke di le mmalwa, go ikaegile ka tirisanommogo ya batsadi ka bobedi.
A ke tshwanetse go tsaya loeto go ya kwa Kgotla?
O ya kwa Kgotleng e e maleba.
O na le tshedimosetso yotlhe e e maleba ka letsatsi leo.
O itse fa molatofadiwa (motsadi yo mongwe) a tshwanetse go nna teng le wena ka letsatsi leo.
Ke batla go ya kwa Kgotleng ya Tlamelo-ke tshwanetse go tla le eng?
Nomoro ya lekwaloitshupo le setshwantsho sa motsadi/motho yo o rweleng maikarabelo a go duela tšhelete ya tlamelo.
Lenane la ditshenyegelo le le tlhalosang ditlhokwa tsa ngwana.
Ditokomane go netefatsa ditshenyegelo tse, sk. Tshupamolato ya metsi le ya mabone, ditlankana tsa kwa thiling tsa kerosari, diakhaonto tsa diaparo jj.
Ditlankana tsa ga jaanong tsa tuelo tsa batsadi ka bobedi ba ba bonang lotseno.
Aterese ya bonno, ya kwa gae le ya kwa tirong ya motho yo o tshwanetseng go duela tšhelete.
Aterese ya bonno, ya kwa gae le ya kwa tirong ya wa lapa kgotsa ya wa losika.
Letlha la Tsheko (fa le setse le tlhomamisitswe).
Nomorotshupetso (fa e setse e abilwe).
Taelo ya Kgotla (fa e setse e rebotswe).
Tumalano ya Tlhalo (malebana le tlhalo).
Letlha la tuelo.
Ke ditshenyegelo dife tse di ka tlhagisiwang e le ditlhokwa tsa ngwana?
O tshwanetse go tlhagisa ditokomane tsa tshegetso go nngwe le nngwe ya ditshenyegelo tse, go seng jalo KGOTLA GA E KITLA E DIRA DITHULAGANYO, sk: setlankana sa tuelo, ditshupamolato tsa motlakase, tšhelete ya sekolo le diresiti tsa ditshenyegelo tsa boitekanelo.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Ketapele 2.txt</fn>
Boswa ba naga ke karolo eo ya lemorago kana tikologo e e bopang tlhaolo ya bona. Bo akaretsa hisitori ya naga le mokgwa o e bolelwang ke beng ba yona, setso sa yona, botaki le dipuo, dijo tse beng ba di ratang, mmino o ba o dirang le tsela e meago ya teng e akanyeditsweng le go agiwa ka teng.
Mo Aforika Borwa motswako o o humileng wa mefuta e e farologaneng ya boswa o dira batho ba rona ba tlhophologile mo lefatsheng. Boswa ba rona bo re baya re kgaogane go tswa dithabeng tse dingwe mme bo re dumelela go ema motloutlo jaaka sethaba se se tlhophologileng ka mabela.
Ga go ope gape fa tlhaolo ya sethaba se se tshotsweng ka botlalo le go thadisiwa sentle go gaisa mo dikaing tsa bosethaba tse tharo tse bukana e, e leng ka ga tsona - Folaga ya Bosethaba, Pina ya Bosethaba le Sekano sa Bosethaba.
Ngwana mongwe le mongwe wa Aforika Borwa, bagolo, dikolo, laeborari, mothapiwa, mothapi, NGO, CBO le mafapha a mmuso a ka kgona go itse ka jalo, go tlhaloganya le go dira bukana e le diteng tsa yona ya bona ka boikgogomoso.
Dikai tsa bosethaba tsa rona ke tse e leng pono ya semmuso le matshwao a molomo tse di re supang jaaka sethaba. Dikai tsa bosethaba di tlhalosiwa go ya ka Molaotheo mme di diretswe go godisa poelano le kago ya sethaba.
Seriti sa motho, phitlhelelo ya tekano le tsweletsopele ya ditshwanelo tsa botho le tokologo.
Go se nne teng ga bomorafe le bong.
Bogolo ba molaotheo le taolo ya molao.
Tshiamelo ya go bouta ya bagolo ya botlhe, lenaneina la batlhophi ba bosethaba la gale, tlhopho ya tlwaelo, le tsela ya ditlhophadintsi ya mmuso wa temokerasi go tlhomamisa maikarabelo, go ikarabela le kamogelo.
Pina ya Bosethaba e re e utlwang e tshamekiwa ka metlha ya semmuso e e opelwang ke rona kwa dikolong le kwa ditiragalong tsa metshameko.
Folaga e ntha ya Repaboleki ya Aforika Borwa e ne ya tsenngwa mo tirisong ka di 27 Moranang 1994. E ne ya tsholediwa fela fa morago ga bosigogare jaaka sethaba se sea se ne se belegwa. Moakanyetso le mebala ya folaga ke thadiso ya mebala e megolo ya hisitori ya folaga ya Aforika Borwa , go tloga dinakong tsa pele go fitlha jaanong.
Bohubedu ba thilisi bohubedu/mmala wa namune, bosweu le botala ba loapi di tswa kwa morago kwa dinakong tsa pele tsa hisitori ya folaga ya Aforika Borwa fa botala ba tlhago, bontsho le gauta pele di tlhageletse mo difolageng tsa rona tsa bosethaba ka nako ya ngwagakgolo wa lesomerobonngwe. Mebala yotlhe e merataro e tlhageletse ka maatla mo difolageng tsa Aforika Borwa tsa fa gautshwane.
Malebana le bokao ba mebala, go tshwanetse ga gakologelwa gore mebala yosi e ka nna le bokao bo bo farologaneng ka bophara mo bathong ba ba farologaneng. Ka lebaka le, go se bokao bope bo le esi bo bo tshwanetseng go tshwaraganngwa le ofe kana ofe wa mebala. Motho ofe kana ofe o tshwanetse go ikutlwa a lokologile go nna le bokao ba gagwe ba se mebala e se emetseng. Ke se se sweditsweng fa taolo ya temokerasi e ne e buisanelwa ka 1994.
Moakanyetso o o mo gare wa folaga o o simololang ka "V" o be o kopana mmogo mo bogareng ba folaga, o tswelele go ya pejana jaaka mola o o tlhamaletseng go ya losing lwa kwa ntle la phofo, o ka kgona go bonwa jaaka o o emelang go kopana mmogo ga dielemente tse di farologaneng mo sethabeng sa Aforika Borwa, e jaanong e tsweletsang tsela go ya pele jaaka setlhopha. Kakanyo e gape e golagana le moono wa Sekano sa bosethaba se sea, e bong !ke e: /xarra /ke, mo puong ya batho ba /Xam San, e e kayang " batho ba mefutafuta ba a kopana". Moakanyetso o o itlhopholotse mo gare ga difolaga tsa lefatshe.
Folaga ya Bosethaba e tla nna khutlometsepa mo kabelong ya pedi mo bophareng go ya go tharo mo boleeleng go ya ka mothateletso go tswa setsholetsing, banta e e ka kwa godimo ya bohubedu ba thilisi le banta e e ka kwa tlase e tala, ka khutlotharo e ntsho kwa setsholetsing, mo godimo ga mela ya karoganyo mothateletso wa botala ba tlhaga o leng nngwe tlhanong ya bophara ba folaga, e thadilwe bosweu kgatlhanong le bohubedu ba thilisi le botala; le gauta kgatlhanong le khutlotharo e ntsho kwa setsholetsing; le bophara ba mothateletso le methalo ya teng mo nngwe tharong ya bophara ba folaga
Folaga e tshwanetse go tsholwa ka tlotlo. Ga e a tshwanela go letlwa go gogwa mo fa fatshe kana go nna le sengwe se se tsamayang mo godimo ga yona.
Folaga e buisiwa jaaka buka - go tswa kwa godimo go ya kwa tlase le go tswa molemeng go ya mojeng. Ka jalo e tshwanetse go bontshiwa ka mokgwa o o nepagetseng.
Fa e bontshiwa ka go rapama, setsholetsathoto se tshwanetse go nna kwa molemeng wa mmogedi mme banta e khubedu kwa godimodimo.
Fa e bontshitswe go bapa le kana kwa morago ga mmui, e tshwanetse go bewa mo letsogong la letsogo la moja la mmui.
Mo go matheng ka tlhamalalo mo mokolokong le di/folaga e nngwe mme ka fa mojeng wa moago fa e fofisiwa le difolaga tsa bosethaba kana mafatshe a mangwe tsotlhe saese e e tshwanang le go fofisetswa kwa bogodimong bo bo lekanang.
Sethaba sa Aforika Borwa - Aforika Borwa.
Mo Aforika Borwa lefatshe la rona.
Nkosi Sikelel iAfrika e ne ya tlhamiwa ka 1897 ke Enoch Sontonga, morutabana wa sekolo sa borongwa wa Methodist. Mafoko a temana ya ntlha a ne a kwadilwe kwa tshimologong ka Sethosa jaaka sefela sa kereke. Ditemana tsa tlaleletso tse supa tsa Sethosa di ne tsa okediwa morago ke mmoki, Samuel Mqhayi. Karolo ya Sesotho e ne ya phasaladiwa ke Moses Mphahlele ka 1942. Nkosi Sikelel' iAfrika e ne ya tumisiwa kwa dikonsarateng tse di tshwerweng kwa Gauteng ke Khwaere ya Ohlange Zulu ya ga Moruti J L Dube. E ne ya nna sefela se se tumileng sa bodumedi se morago se neng sa tsewa jaaka pina kwa dikopanong tsa polotiki. E ne e opelwa jaaka tiragatso ya borukhutlhi ka nako ya dingwaga tsa kgethololo. Temana ya ntlha ka gale e opelwa ka Sethosa kana SeZulu e latelwe ke karolo ya Sesotho. Go fitlha go tlhalosiwa ke mmuso go ne go na le dikarolo tse dintsi tsa Nkosi Sikelel' iAfrika, e e sa ntseng e ka opelelwa mabaka a bodumedi kwa ntle ga go oketsa Die Stem. Dinaga tse dingwe tsa Aforika le tsona di ne tsa tsaya dikarolo tsa Nkosi Sikelel' iAfrika go ya dipineng tsa tsona tsa sethaba. Le gale, fa MaAferika Borwa a kgobokana go opela pina ya bona ya sethaba ba tshwanetse go opela karolo e e tletseng ya semmuso, mme yona fela.
Die "Stem van Suid Afrika" ke poko e e kwadilweng ke CJ Langenhoven ka Motsheganong 1918. Mmino o ne wa tlhamiwa ke Moruti ML de Villiers ka 1921. Lekgotlakgaso la Koporasi ya Aforika Borwa SABC le tshamekile ka bobedi God save the King le Die Stem go tswalela dikgaso tsa bona tsa letsatsi mme sethaba se ne sa di tlwaela. E ne ya opelwa phatlalatsa kwa tsholetsong semmuso ya folaga e kgologolo ya sethaba kwa Kapa ka di 31 Motsheganong 1928, fela e ne e se go fitlha ka di 2 Motsheganong 1957 fa Mmuso o dira phatlalatso gore Die Stem e amogetswe jaaka Pina ya sethaba ya semmuso ya Aforika Borwa. Mo ngwageng oo Mmuso o ne gape wa bona ditshwanelo tse di kgethegileng mme seno se ne sa gatisetswa ke Molao wa Palamente ka 1959. Ka 1952 karolo ya Seesimane ya semmuso ya Pina ya Sethaba, The Call of South Africa e ne ya amogelwa go dirisiwa semmuso.
Sekano sa bosethaba, kana sekai sa Naga, ke sekai sa pono se se kwa godimo sa Naga. Tsaya motsotso go sekaseka ditirigalo tsa botlhokwa mo botshelong ba gago - botsalo, lenyalo, loso le disetefekeiti tsa sekolo, lokwalo lwa mosepele la gago - tsotlhe di dirwa semmuso ke Sekano. Papetlana ya gago e nnye e na le sona mo go le lengwe la matlhakore a yona. Fa o tsamaile go tswa mo nageng go bona sekai se mo moagong wa embasi se go lemosa legae o le kgakala le legae. Sekano gape ke legare la karolo ya Great Seal, ka setso e sekasekiwang go nna sekai se se kwa godimo sa Naga. Maatla a a feletseng a fiwa lokwalo longwe lo longwe ka letshwao la Great Seal mo go lona, ka seno se kaya gore lo na le tshegetso ya Moporesidente wa Aforika Borwa.
Sekano se sea, se emela se se diretseng Aforika Borwa go tloga ka di 17 Lwetse 1910. Phetogo e bontsha maikaelelo a Mmuso go sedimosa phetogo ya temokerasi mo Aforika Borwa le kakanyo e ntha ya boswelanaga.
Sekano ke tlhatlhamano ya dielemente tse di rulagantsweng ka go lekalekana kana dibopego tse di motopo mo godimo ga e nngwe.
Moono - mo seka-sekeleng se se botala ba tlhaga ke: !ke e: /xarra//ke, o o kwadilweng ka puo ya Khoisan ya batho ba /xam, mme ka dikwalo e kaya :' batho ba mefutafuta ba a kopana'. O gwetlha sethaba go kopana mo kakanyong ya gale ya bommogo le boikgogomoso - Kopano mo Bomefutafuteng. Manaka a tlou - a kaya botlhale, maatla, tekanyetso le bosakhutleng.
Ditsebe tsa korong - mo sebopegong se se motopo se bopiwa ke manaka- di kaya monono, kgolo le tlhabololo ya bokgoni, dinonofisi tsa batho le dintlha tsa temothuo mo lefatsheng.
Thebe - sebopego sa thebe ya gauta se tshwana le moropa. E na le ditiro tse pedi (bobedi): go bontsha tlhaolo le tshireletso ya semowa.
Ditshwantsho tsa batho go tswa Botaking ba Khoisan - tse di ntshitsweng go tswa disetong tsa letlapa la Linton le le itsegeng - sekao se segolo sa Botaki ba Letlapa la Aforika Borwa, jaanong mo Musiamong wa Aforika borwa - se se bontshitsweng mo boitshwarong ba tumediso le kopano, di kaya: Kopano le Bomefutafuta. Lerumo le molamu - dikai tse di gabedi(bobedi) tsa tshireletso le bothati - di santse di emela maoto a a maatla a mokwaledi wa nonyane. Lerumo le molamu di robala fatshe, go kaya kagiso.
Porotea - sekano sa bontle ba lefatshe la rona le go thunya ga bokgoni ba rona jaaka sethaba mo go lateleng Tsosoloso ya Aforika - e kaya tlhotlheletsano ya bogotlhe ya dithata tse di golang go tswa mo lefatsheng, di thuthusiwa go tswa godimo.
Mokwaledi wa nonyane - e e farologanngwang ka phofo - ditlamorago tsa tlholego ya kgolo le lebelo. Ke nonyane e e maatla e maoto a yona - a bontshitsweng jaaka lerumo le molamu - a e direla sentle mo letsomong mmogo le mo tshireletsong. Ke moromiwa wa magodimo mme e tsamaisa boutlwelobotlhoko ba yona mo godimo ga lefatshe, mo kakanyong e ke sekai sa motlotlegi o o boitshepo. Maphuka a yona a a tsholeditsweng ke sekano sa go ntsifala ga sethaba, fa ka nako e le nngwe e re naya tshireletsego.
Letsatsi le le tlhabang - sekai sa lesedi le kganya. Le kaya tsholofetso ya tsaloboa, dikarolo tse di matlhagatlhaga tsa itebelelo, katlholo e e siameng le maatlaboikemisetso. Ke sekai sa motswedi wa botshelo, wa lesedi le bogotlhe ba bofelo ba Motho.
Sebopego se se feletseng sa Sekano se kopanya disekele tse di kwa tlase le kwa godimo mo sekaing sa bosakhutleng nako e e se nang bokhutlo. Tsela e e kopanyang losi lo lo kwa tlase la sekorolo, ka methalo ya manaka, le khutlopono fa godimo fa letsatsi le tlhabang kwa godimo, e bopa sebopego sa lee la lefatshe go tswa mo mokwaledi wa nonyane a tsogang. Seno se kaya tsaloboa ya mowa wa sethaba sa rona se segolo sa bonatla.
Dikai di ne di dirisiwa jaaka tsela e e bonolo ya go maatlafatsa ka temokerasi bogolosegolo MaAforika Borwa ba sebaka se se leele ba neng ba ntshitswe mo ditiregong tse dintsi tsa go dira ditshwetso mo nageng e. Dikai tsa mekgatlho ya polotiki di ne di dirisiwa ka ditlhopho tsa 1994 go lemoga bonolo mo dipampiring tsa baloto.
Dikai tse tharo tse dikgolo tsa bosethaba tse go mekamekanweng le tsona mo bukaneng e di emela temokerasi e ntha e le go emisetsa dikai tsotlhe tsa pele tse di lekanang. Botlhotlhwa bo bogolo bo bo tshegetsang dikai tse dintha tse ke poelano, kopano mo bontsing le kago sethaba. Ka dikai tse MoAforika Borwa mongwe le mongwe o a rotloediwa, siamisiwa, maatlafadiwa le go tlhotlhelediwa go tsaya tirego ya go tsaya sethaba se go tswa bogologolo bo bo kgaoganeng go ya bokamosong bo bo kopantsweng.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Kgotlatshekelo ya Molaotheo wa Aforika Borwa (2004).txt</fn>
Lo amogetswe mo Constitution Hill, legae la Kgotlatshekelo ya Molaotheo wa Aforika Borwa.
Kgotlatshekelo ya Molaotheo e agilwe mo setsheng sa Kgolegelo ya Old Fort, e e itsegeng thata jaaka Number Four. Ka jalo botlhoko jwa paka e e fetileng bo fetoletswe go nna tsholofelo ya isago.
Constitution Hill ke letshwao la tirisano mo demokerasing ya rona e ntšhwa. Maikaelelo a Molaotheo a batla gore rona rotlhe re dire mmogo go a fitlhelela. Re lo laletsa go nna le seabe mo go tiiseng demokerasi e e ikemiseditseng go fitlhelela maikaelelo le boleng jwa Molaotheo wa rona.
Mogogoro o ke masalela a Lephata la Batshwarwa ba ba letileng Tsheko wa Moago wa Kgolegelo ya Old Fort. E agilwe ka 1926, mme ya thubiwa ka 2003 go sutela Kgotlatshekelo e. Go somaretswe megogoro e le mene, e mebedi ya yona e Agaletsweng mo moagong wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo. Ditena tsotlhe tsa moago o o thubilweng di ne tsa tlhokomelwa, mme tse dingwe tsa tsona di dirisitswe mo kagong ya Kgotlatshekelo e ntšhwa.
Kamotshana e e ka fa tlase ga mogogoro e ne e dirisediwa go tshola ditlhopha tse ditona tsa bagolegwa ba sepolotiki, jaaka Bagolegwa ba Boepapuso ka 1956 le bao ba tshwerweng mo Dikhuduegong tsa Soweto ka 1976.
Diketekete tsa bagolegwa ba banna ba bantsho ba ba neng ba letile go sekisiwa ba ne ba gwantisiwa go tlhatloga le go fologa direpodi tse. Bone ba ne ba akaretsa bagolegwa ba ba neng ba tshwaretswe bosenyi jo bo tlwaelegileng le jwa sepolotiki. Bontsi jwa bone e ne e le batho ba ba tshwaretsweng dipasa, ba "melato" ya bone e neng e le gore e ne e le kgatlhanong le melao ya bomorafe ya motsi oo.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Kholera ke eng.txt</fn>
Kholera ke bolwetse jo bo tshwarang motho ka ntlhaya go nwa metsi kgotsa go ja dijo tse di nang le mogare wa kholera.
Mogare o o bakang bolwetse jwa kholera o fitlhelwa mo mantleng a motho.
Ka go nwa kgotsa go ja dijo tse di kgotletsweng ke mogare wa kholera.
Fa motho a tshoganyediwa ke teng e e iperekang (mantle a a metsi).
Fa motho a latlhegelwa ke metsi a mantsi go tswa mo mmeleng ka ntlha ya go tlhatsa le teng e e iperekang.
Go phepafatsa metsi: Tshela leswana la teye le le 1 la boletšhi mo dilitareng di le 25 tsa metsi.
O se ka wa dirisa noka jaaka ntlwana ya boithusetso, dirisa VIP kgotsa ntlwana ya boithusetso ya mosima.
O ka thusa jang mongwe yo o setseng a tshwerwe ke bolwetse jwa kholera?
Tsaya litara e le 1 ya metsi a a bedisitsweng kgotsa a a phepafaditsweng, tsenya maswana a sukiri a le 8 ka leswana la teye le seripa sa leswana la letswai ka leswana la teye, mme o tlhakanye.
Nosa motswako o ka methamonyana kgapetsa ka fa go tlhokagalang ka teng.
Gakologelwa, tswelela go nosa motho yo tshwerweng ke kholera motswako wa sukiri/letswai.
Isa motho yoo kwa tliliniking e e gaufi kgotsa kwa tikwatikweng ya pusetso ya metsi mo mmeleng ka bonako jo bo kgonagalang.
<fn>tsn_Article_National Language Services_LEFAPHA LA BOSIAMISI LE TLHABOLOLO YA MOLAOTHEO.txt</fn>
Rona mo lefapheng re itlamile go diragatsa melao e e latelang ya ''Batho Pele'' kwa ntle le go okaoka. Re tlile go oketsa tsenyotirisong gor re tle re kgone go fitlhelela dikgato tse di kwa godingwana tse di amogelegang tsa tirelo le boleng.
Baagi ba tshwanetse go rerisiwa mabapi le maemo le boleng jwa ditirelo tsa setšhaba tse ba di amogelang, e bile fa go tlhokagala, ba neelwe sebaka sa go ka itlhophela ditirelo tse ba di neelwang.
O tshwanetse go netefatsa gore ditherisano di diriwa gangwe le gape le gore di diriwa ka thulaganyo go kgontsha Kantoro ya gago go tlhokomela ditlhokego tsa badirelwa ba gago.
Baagi ba tshwanetse go itsisewe ka ga maemo le boleng jwa ditirelo tsa setšhaba tse ba tlileng go di amogela gore ba tle ba itse se ba tshwanetseng go se solofela.
O na le maikarabelo otlhe kwa palamenteng go ka tsenya tirisong pholisi ya Puso, ka jalo o tshwanetse go netefatsa gore ditirelo di rebolwa ka maemo a a amogelegang kwa badirelweng.
Baagi botlhe ba tshwanetse go fitlhelela ditirelo tse di ba tshwanetseng ka go lekana.
O tshwanetse go tota mmogo le go kaya dintlha tse o ikaelelang go di fitlhelela go kgontsha batho ba ka nako e e fetileng ba neng ba sa kgone go ka fitlhelela ditirelo jaaka Digole, go ka di fitlhelela. O tshwanetse go netefatsa gore maparego otlhe a a kgoreletsang go ka fitlhelela ditirelo a a tlosiwa.
Baagi ba tshwanetse go tsholwa ka tlotlo le tlhokomelo.
O tshwanetse go netefatsa gore melawana ya maitsholo ya mo Lefafapheng e akaretsa maemo a badirelwa ba tshwanetseng go tsholwa ka ona.
Baagi ba tshwanetse go neelwa tshedimosetso e e nepagetseng e e feleletseng mabapi le ditirelo tsa setšhaba tse ba tshwanetseng go di amogela.
Fa a batla go bona tirelo e ntle. Dikantoro di tshwanetse go neela tshedimosetso e e nepagetseng e e feleletseng e bile e le e e siameng mabapi le direlo tse di di neelang.
Baagi ba tshwanetse go itsisewe tsela e Dikantoro tsa Bosetšhaba mmogo le tsa Dikgaolo di tsamaisiwang ka yona le gore di ja bokae mmogo le gore baeteledipele ba tsona ke bo mang.
Badirelwa ba kwa ntle mmogo le ba ka fa gare ba tshwanetse go fitlhelela mofuta o wa tshedimosetso. Tsamaiso e tshwanetse go tshwana le buka e e butsweng. O tshwanetse go neela tshedimosetso e e ka ga go dira tiro ga gago go ya ka maemo a a beilweng a thebolo ya tirelo e e tokafetseng, a dipoloko tsa madi mmogo le e e ka ga bokgoni jwa maemo a a kwa godimo. Dintlha tse di ka ga badirimmogo mmogo le tse di amang batlhankedi ba maemo a a kwa godimo, ga di a tshwanelwa go fitlhiwa.
Fa maemo a a tshepisitsweng a ditirelo a sa rebolwe, baagi ba tshwanetswe go ikopelwa boitshwarelo, gape ba tshwanetswe go neelwa tlhaloso e e tletseng mmogo le tshiamiso e e bonako e bile e na le maatla, mme fa dingongorego di diriwa, baagi ba tshwanetse go bona karabo ya nnete ya kutlwelobotlhoko.
Bokgoni mmogo le maikaelelo a go ka dira sengwe fa dilo di sa tsamae sentle ke selo se se botlhokwa sa tsela ya go baya maemo sentle. O tshwanetse go rotloetsa mowa wa go araba mo kantorong ya gago.
Ditirelo tsa setšhaba di tshwanetswe go neelwa ka tshomarelo le ka botswerere gore baagi ba tle ba bone boleng jwa madi a bona.
O kopiwa go kaya mafelo a kwa go ona dipolokelo tsa botswerere di tla tlhokegang mmogo le ditokafatso tsa thebolo ya ditirelo tse di tla tlhagelelang mo go boneng dipolokelo. Madi a gago a tshwanetswe go dirisiwa sentle.
Theo e e kaelang ya tirelo ya setšhaba mo Lefapheng, e tlile go nna ya go direla batho.
Go tokafatsa thebolo ya ditirelo, ke maikaelelo a a botlhokwa a Lefapha.
<fn>tsn_Article_National Language Services_LEFAPHA LA DIMENERALE LE MAATLA.txt</fn>
Kgato ya Ditheo tse di Tshwaraganeng tsa Maatla e tlhagelela ka ntlha ya temogo ya gore thebolo ya maatla ka boyona ga e a lekana go tsweledisa tlhabololo. Maatla a tshwanetse go golaganngwa le ditlhokwa tse dingwe tse di jaaka phitlhelelo ya metsi, bophepa, boitekanelo, thuto, Tlhabololo ya Ikonomi ya Loago (LED), jj. E bile kgolagano e ke kamogelo fela ya gore ditirelo tse, kgotsa ditlhokwa, di tshwaragane mo go tokafatseng matshelo a letsatsi le letsatsi a batho.
Tlhokego ya metswedi ya maatla kwa magaeng ke ntlha e e botlhokwa, ka maatla e le tlhokego e e botlhokwa go tlhabololo nngwe le nngwe e e tswelelang. Re ka se tseele kwa tlase ntlha ya gore diphetogo tsa tlhabololo ya magae di thatafadiwa ke diketsaetsego tsa thebolo ya maatla.
Lefapha la Dimenerale le Maatla (DME) le lemogile mathata a bahumanegi le dipharologano tsa maatla tse di leng teng mo nageng, le lemogile gore dithuso tse di feletseng tsa manane a thebolo ya maatla a a tokafaditsweng ga di fitlhelele baagi ba ba maleba. Go e baya ka tsela e nngwe, dipholisi le maano di tlhagisitswe, fela go lebega go na le mokhino magareng ga maikaelelo a a mantle le tsenyotirisong e e bonagalang.
Mabapi le pharologano e ya maatla, Lefapha la Dimenerale le Maatla le ineetse go nna le seabe mo go fediseng lehuma la maatla gape le go ema nokeng maano a puso ya bosetšhaba a a ikaelelang go fokotsa lehuma la kwa ditoropong le la kwa magaeng. Nngwe ya mekgwa e mentsi e DME e e tlhagisitseng e e ikaelelang go rarabolola lehuma la maatla ke Ditheo tse di Tshwaraganeng tsa Maatla (IeCs). Ka jalo, Lenane la Ditheo tse di Tshwaraganeng tsa Maatla le ne la akanngwa. Ka IeCs, DME e tshwaragane le baamegi ba ba maleba, setheo sa poraefete, dimmasepala le mekgatlho ya kabo mo go tlhomeng setheo se se laolang ke baagi, se se sa tlhagiseng fela dikumo tsa maatla, mme gape se rebola ditirelo tsa tshedimosetso le tsa thuso.
Setheo se se Tshwaraganeng sa Maatla (IeC) ke lebenkele la maatla le le laolwang le go tsamaisiwa ke baagi ka Tirisanommogo e bile se rulagantswe go nna porojeke ya baagi. Se rebolela baagi ditharabololo tsa maatla, phitlhelelo ya ditirelo tsa maatla tse di kgonwang e bile di bolokegile gape di tswelela.
IeCs di rebola ditirelo tsa maatla tse dintsi; di dira gore maatla a nne teng bonolo, di tokafatsa temoso ya metswedi ya maatla e e farologaneng le ditirelo tse di farologaneng, thuso le maatlafatso ya selegae le tlhabololo ka thebolo ya polokego ya maatla, s.k. Parafini. IeC nngwe le nngwe ya selegae e golagantswe le Thulaganyo e e Tshwaraganeng ya Tlhabololo (IDP) ya lefelo le le rileng, e e tsenngwang tirisong ka ISRDP, ka jalo e tshwaraganye thebolo ya ditlhopho tse di farologaneng tsa maatla le diporojeke tse dingwe jaaka thebolelo ya metsi, go aga dikolo le ditliliniki, jj.
Didirisiwa tsa maatla tse di phepa, tse di bolokegileng diapei, mabone, ditsidifatsi, jj.
Dipontsho, diphosetara, dibukana, dipampitshana, jj.
Dibedio tsa thuto tse di ka ga maatla.
<fn>tsn_Article_National Language Services_LEFAPHA LA DITLHAELETSANO.txt</fn>
Lefapha la Ditlhaeletsano ke eng (DoC)?
Lefapha la Ditlhaeletsano ke letsogo la ditirelo tsa bosetšhaba la Lefapha la Tona ya Ditlhaeletsano. Ke setheo se se tlhamang maitlhomo a maikaelelo a ditirelo tsa poso, tsa ditlhaeletsanokgakala le kgaso, tsa Aforika Borwa.
Mo nakong e e fetileng, Lefapha le ne le laola le go tsamaisa makala a makhubu, mmogo le go gakolola Tona mo mererong ya maitlhomo le batsamaisi. Ka go fetisa Molao wa Ditlhaeletsanokgakala, Molao wa Nomoro ya bo 103 wa 1996, ditiro tsa go laola le go tsamaisa makhubu di ne tsa sitlhollelwa mo Setheong sa Aforika Borwa sa go Laola Ditlhaeletsanokgakala (SATRA), se jaanong se itsegeng ka Bothati jo bo Ikemetseng ka Nosi jwa Ditlhaeletsano jwa Aforika Borwa (ICASA); jo bo dirileng gore Lefapha jaanong le tsepame fela mo go tlhameng maitlhomo a maikaelelo.
Go dira gore Aforika Borwa a ipaakanyetse go tsaya tšhono ya go tlhagelela ga thekenoloji ya ditlhaeletsano mo makaleng a ditlhaeletsanokgakala, tirelo tsa kgaso, thekenoloji ya tshedimosetso le diphasalatso tsa mefuta e e farologaneng.
Go dira gore Aforika Borwa e kgone go lepalepana le kgaisano ya mafatshe a boditšhabatšhaba ka go nna motheo le thito ya tlhabololo ya diphasalatso tse di maphataphata, bogolo segolo ka go tlhomela ditlhopha tsa setšhaba tse di neng di lomeleditswe mo nakong e e fetileng tebang le ditshiamelo le ditšhono.
Go tshwaela seabe mo maanong a ditlhaeletsano tsa Se-Aforika ka go thusa go tlhoma mokwatla o o tiileng wa tshedimosetso, o o tla netefatsang go tswelediwa pele ga ntšhwafatso ya Aforika.
Lefapha a Ditlhaeletsano (DoC), le dira mo maemong a a sokameng le a a sa lolamang ka ntlha ya mabaka a ditiragalo tsa histori ya nako e e fetileng a go aba ditirelo tsa poso, ditlhaeletsanokgakala le tsa kgaso. Mabaka a a na le tshwaelo e e sa siamang mo kgaisanong e Aforika Borwa e lebaganeng le yona, ka ntlha ya fa go tlhomiwa ga lekala la ditlhaeletsano go le botlhokwa mo tlhabololong ya naga tebang le ikonomi, loago le sepolotiki.
Maitlhomo a maikaelelo a a tlhabolotsweng sešwa jaana, a tla thusa Aforika Borwa go itlhoma sentle le ka tsepamo mo mererong ya boditšhabatšhaba. Ditiro tsa yona di tlhotlhelediwa ke tlhabololo e e bonako ya thekenoloji, e e thusitseng mo go ribologeng ga mafaratlhatlha a thekenoloji mo ditirelong tsa poso, ditlhaeletsanokgakala le tsa kgaso.
Lefapha la Ditlhaeletsano (DoC), le tsamaisa ditheo di le supa mo boemong jwa Puso. Tsona ke Koporasi Kgaso ya Aforika Borwa (SABC), Bothati jo bo Ikemetseng ka Nosi jwa Ditlhaeletsano jwa Aforika Borwa (ICASA), Sentech, Ofisi ya Aforika Borwa ya Ditirelo tsa Poso (Ltd), Telkom SA Ltd, Setheo sa Ditirelo tsa Kakaretso (USA), le Setheo sa Bosetšhaba sa Diphasalatso tsa Se-Eleketeroniki sa Aforika Borwa (NEMISA).
Tlhokomela dirwe (dishere) tsa puso kwa Ofising ya Poso, tse di akaretsang go lekanyetsa le go amogela maano a kgwebo ya Ofisi ya Poso ya Aforika Borwa, taolo le botsamaisi jwa dikgwebo tse dikgolo, le tlhabololo le go elatlhoko matshwao a a botlhokwa a mekgwa ya go dira.
Ofisi ya Poso ya Aforika Borwa e reboletswe boikarabelo jo bo kgethegileng e le nosi jwa go tsamaisa ditirelo tsa poso mo nageng e, ka Molao wa Ditirelo tsa Poso wa Nomoro ya bo 124, Molao wa 1998. Molao o mošwa o dira ditshiamelo tsa go laola ditirelo tsa poso le ditiro tsa setlamo sa diposo, go akarediwa le boikarabelo jwa tirelo e ka kakaretso. O dira gape le ditshiamelo tsa merero e e tsamaelanang le ditirelo tsa Banka ya Poso le tsamaiso ya Ditifikeiti tsa Sefalana sa Polokelo ya Bosetšhaba.
Bolaodi jwa Ditirelo tsa Poso bo tlhomilwe mo kgweding ya Ferikgong wa ngwaga wa 2000, go ya ka karolwana ya bo 3 ya Molao wa Ditirelo tsa Poso, Molao wa 1998, go laola lekala la ditirelo tsa poso.
Lekala le le rwele boikarabelo jwa botsamaisi jwa dišere, dipatlisiso, go tlhabolola diphasalatso tsa mefuta e e farologaneng le go tlhabolola maitlhomo a maikaelelo a a kgethegileng a ditlhaeletsanokgakala, go akarediwa le go mametlelela melao fa go tlhokagalang teng.
Le sekaseka le go rotloetsa go tlhabololwa ga kgwebo le maitlhomo a maikaelelo a go lepalepana le kgaisano ya bosetšhaba le ya boditšhabatšhaba. Lekala le gape le lekanyetsa diphetogo tsa thekenoloji mmogo le tshwaelo ya tsona mo tlhabololong ya kgwebo le maitlhomo a maikaelelo a bosetšhaba.
Telkom e tlhomilwe mo kgweding ya Diphalane 1991 go ya ka Molao o o Mametleletsweng wa Ofisi ya Poso wa Nomoro ya bo 85, Molao wa 1991, o o arogantseng ditirelo tsa ditlhaeletsanokgakala go tswa mo ditirelong tsa poso. E abetswe tshono e e kgethegileng ya yona e le nosi ya go tsamaisa kgwebo ya ditirelo tsa ditlhaeletsanokgakala mo lefatsheng le.
Puso ya Aforika Borwa ke yona e tshotseng dirwe tse dintsi mo setheong se, fa e sena e rekisetsa setlamo se se theilweng ke Telekom Malaysia le SBC Communications, dirwe di le diperesente di le 30, mo ngwageng wa 1997. Telkom e abetswe dilaesense di le tharo tsa kgwebo ya ditlhaeletsanokgakala tsa bosetšhaba; ya go gasa makhubu a radio le ya mafaratlhatlha a tirelo ya mosola o o botlhokwa, tse ka tsona setheo se tshwanetseng go aba ditirelo tsa boleng jwa maemo a a kwa godimo ka bophara go baagi ba ba di tlhokang.
Paka ya nako e e kgethegileng e e abetsweng Telkom e le nosi e fedile ka la 7 Motsheganong 2002, mme setheo se jaanong se tla lebagana le kgaisano mo ditirelong tsa megala e e tsenyetswang leruri. Taletso ya go kopa kgwebo ya go tsenya tirelo ya bobedi ya megala e e tlhometsweng leruri e golotswe mo tsamaong ya ngwaga wa 2002.
Ka 1997 ke fa Setheo sa Ditlhaeletsano tsa Thelekhomunikheishene sa Aforika Borwa (SATRA), le Bothati jo bo Ikemetseng ka Nosi jwa Ditirelo tsa Kgaso (IBA) di tshwaragana go tlhoma Bothati jo bo Ikemetseng ka Nosi jwa Ditlhaeletsano jwa Aforika Borwa (ICASA).
Se, mo letlhakoreng je lengwe, se tlhodilwe ke go runya ga thekenoloji ya tshedimosetso, le ya ditlhaeletsano. ICASA, jaanong e rwele boikarabelo jwa go laola lekala lotlhe la ditlhaeletsano, le go netefatsa tirelo ya boleng jwa maemo a a kwa godimo le e e ka kgonwang ke mang le mang go tswela Ma-Aforika Borwa otlhe mosola.
USA, go tshwana le ICASA, e tlhomilwe go ya ka mabaka a Karolwana ya bo 58 ya Molao wa Ditlhaeletsanokgakala, Molao wa 1996. Seabe sa yona se segolo ke go rotloetsa kabo ya ditirelo ka kakaretso le go fitlhelela thekenoloji ya ditlhaeletsano le ditirelo ga Ma-Aforika Borwa otlhe, go batlisisa le go tshikhinya mekgwa ya go fitlhelela maikaelelo a. Go ya pele, setheo se rwesitswe boikarabelo jwa go rotloetsa le go supa tsela ya go lekanyetsa, go elatlhoko le go diragatsa phitlhelelo ya dikema tsa ditirelo ka kakaretso. Fela jaaka ICASA, USA e ikarabela go Tona ya Ditlhaeletsano.
Mo godimo ga se, USA e amega gape mo go tlhameng Tshedimosetso ya Baagi le Ditikwatikwe tsa Thekenoloji ya Ditlhaeletsano, tse di tlwaelegileng ka go bidiwa ditikwatikwe tsa ditlhaeletsano tsa kwa kgakala. Ditikwatikwe tse di aba ditirelo tse di farologaneng tsa Thekenoloji ya Tshedimosetso ya Ditlhaeletsano (ICT), go tswa mo megaleng ya thelefomo le difekese, mafaratlhatlha a Inthanete le ditirelo tse dingwe tsa botlhokwa ka ditlhwatlhwa tse di ka kgonwang ke mang le mang.
Lekala la Diphasalatso tsa Mefuta e e Farologaneng le rwele boikarabelo jwa go tlhama maemo a a siametseng ditlhokego tsa baagi ba Aforika Borwa tsa diphasalatso tsa mefuta e e farologaneng ka nepagalo ka go tlhama maitlhomo a maikaelelo, go ema nokeng kabo ya ditirelo le botsamaisi jo bo bokgoni jwa metswedi e ya ditirelo.
Ga jaana Lekala le tshwaragane le go tlhama maitlhomo a maikaelelo ka ga merero e e farologaneng go tswa mo metsweding ya diphasalatso tsa mefuta e e farologaneng, kgaso ya sedijithale, maitlhomo a maikaelelo a diphasalatso tsa bana, le maitlhomo a maikaelelo a digole, maitlhomo a maikaelelo a kgaso ya Diteng tsa Aforika Borwa le maitlhomo a maikaelelo a diphasalatso tsa Se-Eleketeroniki tsa ditlhopha tsa baagi.
Ditshiamelo tsa go aba ditirelo di akaretsa diphasalatso tsa mefuta e e farologaneng tsa se-eleketeroniki tsa baagi tse di tshwanang le go tlhama mafaratlhatlha a radio ya selegae, thelebishene ya selegae, mafaratlhatlha a dikgang tse di phasaladiwang ka wepe/sathalaete, le a mananeo, go gatisa mananeo, go tlhabolola bokgoni le boitseanape; tirelo ya java planet, mafaratlhatlha a internete le ICT, mo thutong, kanala ya Thelebishene e e tlhametsweng fela merero ya Palamente, mafaratlhatlha a laborotoriamo ya Wepe ya Lefapha la Ditlhaeletsano (DoC), le porojeke ya mafaratlhatlha a Dotza.
Go ya ka mabaka a Molao wa Kgaso wa Nomoro ya bo 4, Molao wa 1999, SABC e tla aroganngwa dikarolo di le pedi, Tirelo ya Kgaso ya Botlhe le Tirelo ya Kgaso ya Bogwebi. Ditiro tsa SABC di tshwanetse go tsamaelana le ditaelo tsa batshola dišere mme maano a ditiro tsa yona a tsamaelane le ditlhokego tsa botlhokwa go natlafatsa botsamaisi jwa koporasi.
Channel Africa, e ga jaana e dirang e le setheo sa boditšhabatšhaba ka fa tlase ga SABC, e tla fetolwa go nna koporasi gore e tle e dire e le Tirelo ya Kgaso ya Kontinente. Go ikaeletswe gore tirelo e ntšhwa e, e tla tshwaragana le semphato se sentshwa le ditirelo tse dingwe tsa kgaso tsa Aforika, mme go feta foo, e nne tirelo ya Aforika ka Bophara go aba ditirelo tsa Radio, TV le tsa Mefuta e e Farologaneng.
Koporasi Kgaso ya Bop le yona e rulaganngwa seshwa go oketsa mosola wa yona, go tlhatlosa dipeeletso mo lakaleng le, le go netefatsa dipharologano tsa ditirelo tsa kgaso.
Sentech ke setheo se segolo sa go romela makhubu a kgaso mo Aforika, mme se dira ka laesense ya "Mefuta ya makhubu a a tshwanang" le go romela makhubu mo lekaleng la kgaso. Setlamo se, se ntse se dira ka mokgwa wa makhubu a a elelang fela, a a kgontshang go phasalatsa diteng tsa diphasalatso tse dingwe tsa mefuta e e farologaneng. Go ya ka mabaka a Mametlelelo ya Molao wa Telecomms wa 2001, setlamo se, se reboletswe laesense ya moela wa go rwala makhubu a boditšhabatšhaba.
Setheo sa Diphasalatso tsa Se-Eleketeroniki sa Bosetšhaba sa Aforika Borwa (NEMISA), se tlhomilwe ke Lefapha la Ditlhaeletsano go aba katiso ya maemo a a kwa godimo mo madirelong a kgaso. Taolelo ya yona ke go katisa barutegi ba didikerii ba ba nang le bokgoni jo bo tseneletseng, ba e tla nnang bona bomankge mo makaleng a diphasalatso tsa mefuta e e farologaneng le lekala la kgaso. Bontsi jwa baithuti jwa sona bo tlhophilwe go tswa mo ditlhopheng tse di neng di lomeleditswe mo nakong e e fetileng, sekai; basadi le bahumanegi ba kwa dikgaolong tsa magae. Manaanethuto a a farologaneng a a rutiwang ke setheo se, a rulagantswe go tlamela baithuti gore ba kgone go lepalepana le ditlhokego tsa mebaraka le go ka tsamaisa tirelo nngwe le nngwe ya kgaso e ba ka itlhophelang go dira mo go yona.
<fn>tsn_Article_National Language Services_LEFAPHA LA MERERO YA TIKOLOGO LE BOJANALA (2003).txt</fn>
kgaogano e e siameng e e lekanang ya ditshiamelo e e tswang mo patlisisong ya ditshedi ya matheriale wa tlhago o o ntshiwang go tswa metsweding ya tlholego ya baoloji; le tlhomo le ditiro tsa Setheo sa Bosetšhaba sa Ditshedi tsa Mefutafuta sa Aforika Borwa fa go ntse go tsenngwa mo tirisong kwa ditlamegong tsa boditšhabatšhaba tsa Aforika Borwa mo kamanong le tsamaiso ya ditshedi tsa mefutafuta.
Dintlha tse di okeditsweng di beilwe ka tlhamalalo mo memorantamong wa go tlhalosa o o tshwaragantsweng.
Ditshwaelo tse di kwadilweng le dikabelo di a lalediwa go tswa makokong a a nang le kgatlhego le a a amegang mmogo le setšhaba ka kakaretso.
Letlha la go tswalela ditshwaelo ke di 10 Seetebosigo 2003.
Jaaka o tlhagisitswe mo Kokoanopeomolaong ya Bosetšhaba jaaka karolo 76-Molaotlhomo; tshobokanyo e e itlhalosang ya Molaotlhomo o o phasaladitsweng mo Kuranteng ya Mmuso No.
Go tlamelela ka fa gare ga letlhomeso la Molao wa Bosetšhaba wa Tikologo, 1998, tsamaiso le tshomarelo ya ditshedi tsa mefutafuta tsa Aforika Borwa; tshireletso ya ditshedi tsa methalethale tsa tikologo tse di tlhokang tshireletso ya bosetšhaba; tiriso e e tswelelang ya metswedi ya baoloji ya tlholego; go kgaogana go go siameng go go lekaneng ga ditshiamelo tse di tswang mo patlisisong ya botshelo jwa matheriale wa tlhago o o ntshiwang go tswa metsweding ya baoloji ya tlholego; tlhomo le ditiro tsa Setheo sa Ditshedi tsa Mefutafuta tsa Bosetšhaba sa Aforika Borwa; le merero e e amanang le seo.
a ditshedi tsa methalethale tse e seng ditshedi tsa methalethale tsa tlholego; kana b ditshedi tsa methalethale ya tlholego tse di sutiseditsweng kwa go kana e go ikaeletsweng go sutisediwa kwa lefelong le le kwa ntle ga phatlalatso ya tlholego ya setlhopha, fela e seng ditshedi tsa methalethale tsa tlholego tse di okeditseng phatlhalatso ya tlholego ya setlhopha ka mekgwa ya tlholego ya khudugo kana kanamiso kwa ntle ga tsereganyo ya motho mefuta ya baoloji" kana "ditshedi tsa mefutafuta" di kaya dipharologano magareng ga ditshedinyana tse di tshelang go tswa metsweding yotlhe go akarediwa lefatshe, lewatle le ditshedi tsa tikologo tsa metsi tse dingwe le mararaane a ekholoji a e leng karolo mme go tsenyeletsa gape mefutafuta ka fa gare ga ditshedi tsa methalethale, magareng ga ditshedi tsa methalethale le ya ditshedi tsa ditikologo.
Lefapha le kaya.
mmasepala o kaya mmasepala o o tlhomilweng go ya ka Molao wa Mmuso wa Selegae, 1998 Molao Nomoro.
Molao wa Setšhaba wa Tsamaiso ya Ditšhelete o kaya Molao wa Setšhaba wa Tsamaiso ya Ditšhelete, 1999 Molao Nomoro.
ditshedi tsa methalethale tse di sa babalesegang di kaya ditshedi tsa methalethale tsa tlholego tsa kwalo ya maina tse di sa babalesegang go ya ka karolo 55.
Mo Molaong o, mafoko kana ditlhaloso tse di ntshitsweng go tswa mafokong kana ditlhalosong tse di tlhalositsweng mo karolo tlaleletsong 1 di na le bokao bo bo tsamaisanang kwa ntle ga fa diteng tiriso di bontsha gore bokao bo bongwe bo ikaeletswe.
a diragatsa, go somarela le go tsweletsa ditshedi tsa mefutafuta ya Aforika Borwa, dikarolo tsa teng le metswedi ya tlhago; le b go diragatsa Molao o go fitlhelela boiphitlhelelo bo bo tswelelang go ya ditshwanelong tseo.
i metsi a teng a naga, karolo ya ikonomi e e tlhophologileng le šelefo ya kontinente jaaka e tlhalosiwa mo Molaong wa Dikarolo tsa Lewatle, 1994 Molao Nomoro 15 wa 1994; le ii Ditlhaketlhake tsa Prince Edward tse di supelwang mo Molaong wa Ditlhaketlhake tsa Prince Edward, 1948 Molao Nomoro 43 wa 1948; le b go ditiro tsa motho tse di amang mefutafuta ya baoloji ya Aforika Borwa le dikarolo tsa teng.
a mo mmusong wa bosetšhaba le didiko tsa selegae; le b mo mmusong wa sediko sa porofense, go ya ka karolo 146 ya Molaotheo.
Molao o o naya dithata kwa ditumalanong tsa boditšhabatšhaba tse di tlhomamisitsweng tse di amang ditshedi tsa mefutafuta tse Aforika Borwa e leng Mokgatlho teng, le e e bofang Rephaboliki.
Molao o o tshwanetse go buisiwa le ditshiamelo dife kana dife tse di maleba tsa Molao wa Bosetšhaba wa Tsamaiso ya Tikologo.
Kgaolo 4 ya Molao wa Bosetšhaba wa Tsamaiso ya Tikologo e dira kwa tharabololong ya dithulano tse di tswang mo tiragatsong ya Molao o.
Tiragatso ya Molao o e tshwanetse go kaelwa ke ditheo tsa bosetšhaba tsa tsamaiso ya tikologo tse di beilweng mo karolong 2 ya Molao wa Bosetšhaba wa Tsamaiso ya Tikologo.
b molao wa porofense, thulano e tshwanetse go rarabololwa go ya ka karolo 146 ya Molaotheo; le c molao tlaleletso wa mmasepala, karolo ya Molao e a dira.
b molao wa porofense, thulano e tshwanetse go rarabololwa go ya ka karolo 146 ya Molaotheo; le c tlaleletso ya molao wa mmasepala, molao wa tlaleletso o o ntshitsweng go ya ka Molao o o a dira.
Go nna le tiragatso e e lolameng ya karolo tlaleletso 2b Tona o tshwanetse, go ya ka karolo 1466 ya Molaotheo a ise melao yotlhe ya tlaleletso e e ntshitsweng go ya ka Molao o e e amang diporofense kwa Khanseleng ya Bosetšhaba ya Diporofense go rebolwa.
thibelo ya ditiro tse di utlwalang mo mefutafuteng ya ditshedi le dikarolo tsa yona; le b go tsenya dikaedi go lebelela tsamaelano le ditlwaelo le maemo ao. 2 Pele ga go neelana ka ditlwaelo le maemo le go baya dikaedi go lebelela tsamaelano le ditlwaelo le bonno ba maemo ao. Tona o tshwanetse go rerisana le Mokhuduthamaga ya merero ya tikologo mo porofenseng nngwe le nngwe e mo go yona ditlwaelo le maemo di tla dirang.
b mo lefelong le le rileng fela; kana c kwa ditlhopheng tse di farologaneng tsa ditshedi tsa mefutafuta fela.
a mafelo a a farologaneng; kana b ditlhopha tse di farologaneng tsa ditshedi tsa mefutafuta.
Setheo sa Bosetšhaba sa Ditshedi tsa mefutafuta sa Aforika Borwa fano se tlhomilwe.
Setheo ke motho wa molao.
i tse di se neetsweng go ya ka Molao o; kana ii jaaka go ka tlhalosiwa.
Fa Setheo go ya ka karolo tlaleletso 1 se neela keletso mo morerong wa saense se ka nna sa rerisana le sethwe sengwe le sengwe se se maleba sa naga kana setheo se sengwe se se nang le boitseanape mo morerong oo.
k sa dira ditiro tsa semolao, go tsenyeletsa ditiro tse di tsamaisanang le, kana mo boemong ba motho ofe yo mongwe kana sethwe sa naga; le l sa tsenya kana go sireletsa kgato efe ya molao.
b Mokaedi Kakaretso kana motlhankedi wa Lefapha yo o tlhomilweng ke Mokaedi-Kakaretso; le c Motlhankedi Mogolo wa Setheo.
a o tshwanetse go tlhomamisa palo ya maloko a a tla tlhomiwang go ya ka karolo tlaleletso 1a; le b a ka nna a fetola, go tloga nako le nako palo e e tlhomamisitsweng go ya ka temana a, fela phokotso mo palong e ka dirwa fela fa phatlhatiro mo Botong e tlhagelela.
a ditshwetso tseo di tserweng ka lebaka la thomeletso go ya ka karolo 27; kana b koo Molao wa Tsamaiso ya Setšhaba wa Ditšhelete o tlamelelang ka tsela e nngwe.
a go lekanela le go nna motho yo o tsepameng go tshola ofisi jaaka leloko; le b go nna le borutegi bo bo maleba kana maitemogelo.
a Motho yo o mo ofising jaaka tokololo ya Palamente kana peomolao ya porofense; kana b Motho yo o tlositsweng mo ofising go ya ka karolo 21.
a ka diphasalatso mo medieng o o dikologang ka setšhaba le mo porofenseng nngwe le nngwe, a laletse dikgetho tsa tlhomo jaaka tokololo e e jalo; le b go kgobokanya lenane la maina a batho ba ba ikgethetsweng, go baya dintlha tse di tlhalositsweng tsa moikgethelwa mongwe le mongwe.
b dintlha tsa borutegi tsa moikgethelwa kana maitemogelo; le c tshedimosetso efe kana efe e e ka tlhalosiwang.
a palo e e tlhokegang ya batho go tswa lenaneng le le kgobokantsweng go ya ka karolo tlaleletso1c; le b fa lenane le le jalo le sa lekana, motho mongwe le mongwe yo o maleba.
a go rerisana le Mokhuduthamaga wa merero ya tikologo; le b go nna le phisegelo kwa tlhokegong, ya go tlhoma batho go godisa kemeditekano.
Ditlhomo di tshwanetse go dirwa ka tsela e e leng gore Boto e tshotse batho ba ba akaretsang boatlhamo bo bo sephara jwa bomaitseanape mo lephateng la ditshedi tsa mefutafuta.
Nako le nako fa go tlhokega Tona o tshwanetse go tlhoma tokololo ya Boto jaaka Monnasetulo wa Boto.
Monnasetulo o tlhomiwa nako jaaka go ka tlhomamisiwa ke Tona e e ka, mo lebakeng la tokololo e e tewang mo go karolo131a, le le sa yeng go feta nako ya gagwe jaaka tokololo.
a monnasetulo a se teng nako e e utlwalang; kana b tlhomo ya monnasetulo e sa eme.
b mo pheletsong ya nako eo, a dumelelwa go tlhomiwa gape nako e le nngwe ya tlaleletso ya dingwaga tse tharo; le c a ka nna a nna le ditlhomo tsa bona go ya ka temana a kana b e atolositswe ke Tona mo nakong e e rileng e e sa feteng ngwaga o le mongwe.
Tona o tshwanetse go tlhomamisa maemo a maloko a Boto a a tewang mo go karolo 13 (a).
a Tona a ka nna a, ka tumalano le Tona ya ditšhelete, a a tlhomamisa dikaelo le maemo a thapo a maloko a Boto a a seng mo thapong ya Mmuso.
b Mogolo le tetlo di duelwa ke Setheo.
Maloko a a thapilweng ke Mmuso ga a dumelelwa mogolo le ditetla, mme a tshwanetse go busediwa ditshenyegelo tsa ona tsa sekgwama ke Setheo.
Maloko a a jalo a tlhomiwa mo theong ya nakwana.
c le ntse le ka se dirise maemo, dineo tsa monate kana kitso ya leloko ya go ungwa ka poraefete kana go dira gore motho yo mongwe a bone tshiamelo e se ka fa tshwanelong; le d le ntse le ka se dire ka tsela e nngwe esele e e fokotsang botshepegi, go se tseye letlhakore, kemonosi kana boseriti ba Setheo.
Leloko la Boto le le gatakang kana le tlholega go tsamaisana le karolo tlaleletso 1 le molato wa maitsholomabe.
b ikgolola c a tlosiwa mo ofising go ya ka karolo 21.
Leloko le ka ikgolola fela ka go neela kitsiso e e kwadilweng bogolo mo dikgweding tse tharo kwa go Tona, fela Tona a ka nna a amogela nako e khutshwane mo lebakeng le le rileng.
c go jewa dithoto; kana d go bonwa molato wa bosenyi kwa ntle ga kgetho ya kotlhao.
Leloko la Boto le ka tlosiwa go tswa ofising ka mabaka a maitsholomabe kana go sa kgonang fela morago ga phitlhelelo ya seo e dirilwe ke boto ya dipotsiso e e tlhomilweng ke Tona.
Tona a ka nna a emisa nakwana leloko le le batlisisiwang go ya ka karolo e.
a mo lebakeng la Monnasetulo yo o rolang marapo, ka go tlhoma leloko le lengwe go ya ka karolo 161 jaaka Monnasetulo b mo lebakeng le leloko le rolang marapo le le tewang mo go karolo131a, ka go latela tsamaiso e e beilweng mo go karolo 15.
Motho yo o tlhomilweng go tlatsa phatlatiro o tshola ofisi mo karolong e e setseng ya lobaka ya go rola marapo ga Monnasetulo kana leloko.
Monnasetulo wa Boto o swetsa gore Boto e kopane leng le gore kae, fela bontsi ba maloko a ka kopa Monnasetulo ka go kwala go bitsa kopano ya Boto ka nako le lefelo le le beilweng mo kopong.
Monnasetulo o etelela pele kwa dikopanong tsa Boto, fela fa a se teng kwa kopanong, maloko a a leng teng a tshwanetse go tlhopha leloko le lengwe go etelela pele kwa kopanong.
Boto e ka nna ya tlhomamisa ditsamaiso tsa yona go ya ka ditshiamelo tsa Molao o.
Boto e tshwanetse go tshola direkoto tsa ditsweletso tsa yona le ditshwetso tse di tserweng.
Bontsi ba maloko a Boto a a dirang ka nako efe kana efe e e maleba a bopa khoramo ya kopano ya Boto.
Morero fa pele ga Boto o swediwa ke dibouto tsa bontsi ba maloko a a teng kwa kopanong.
Fa mo morerong ofe kana ofe fa pele ga Boto go na le tekano ya dibouto, leloko le le eteletseng pele kwa kopanong le tshwanetse go diragatsa go dira bouto mo tlaleletsong kwa boutong ya motho yoo jaaka leloko.
Boto e ka nna ya tlhoma komiti e le nngwe kana go feta go thusa mo tiragatsong ya ditiro tsa yona kana tiragatso ya dithata tsa yona.
Fa go tlhomiwa maloko kwa komiting, Boto ga e lekanyeditswe kwa malokong a Boto.
c e ka nna ya tlosa leloko la komiti go tswa ofising ka nako nngwe le nngwe, go lebeletswe ditshiamelo tsa Molao wa Kgodiso ya Tsamaiso ya Tolamo, 2000Molao Nomoro 3 ya 2000; le d e tshwanetse go tlhomamisa tsamaiso e e dirang ya komiti.
Boto e ka nna ya thuba komiti nako nngwe le nngwe.
a Karolo 18 e buisiwa le phetolonyana e e tlhokegang jaaka diteng tiriso di ka tlhoka, e dira kwa mabakeng le maemong a thapo ya maloko a komiti.
b Leloko la badiri la Setheo le le tlhomilweng mo komiting go dira mo komiting go ya ka mabaka le maemo a thapo ya motho yoo.
b komiting e e tewang mo karolong 26; kana c leloko la badiri la Setheo.
c tlhomamiso ya pholese ya thapo go ya ka karolo 291; le d go tlhomiwa ga ditekanyetso tsa ditšhelete go ya ka karolo 29 2 kana 3.
c ga e tlose maikarabelo a Boto malebana le tiragatso ya dithata tse di rometsweng kana go diragalela tiro nngwe le nngwe e e romeletsweng; le d ga e thibele tiragatso ya dithata tse di rometsweng kana go diragatsa tiro e e romeletsweng ya Boto..
Boto e ka dumela, ya farologana kana ya fetola tshwetso e e tserweng mo tatelong ya thomelelo go ya ka karolo e, go ya ka ditshwanelo dife tse di ka bong di tsweletse kwa mothong ka ntlha ya tshwetso.
Boto, e dira ka kutlwano le Tona, e tshwanetse go tlhoma motho ka borutegi bo bo maleba le maitemogelo jaaka Motlhankedi Mogolo wa Setheo.
a o tlhomiwa lobaka lo lo fetang dingwaga tse tlhano; le b a ka nna a tlhomiwa gape ke Boto ka kutlwano le Tona, fela e nne lobaka lwa tlaleletso lo lo longwe lo lo sa feteng dingwaga tse tlhano.
Motlhankedi Mogolo o thapilwe go ya ka mabaka le maemo a a jalo a thapo jaaka Boto e ka tlhomamisa go ya ka pholese e e rebotsweng ke Tona ka kutlwano le leloko la Kabinete le le ikarabelelang ditšhelete.
b o tshwanetse go dira ditiro tse di jalo mme a ka diragatsa dithata tse di jalo jaaka Boto e ka mo romeletsa; le c o tshwanetse go begela Boto mo dintlheng tsa tsamaiso, tiragatso ya ditiro le tiragatso ya dithata, ka dikgala tse di jalo le ka mokgwa o o jalo, jaaka Boto e ka tlhomamisa.
i o na le dithata le ditiro tsa Motlhankedi Mogolo; le ii o thapilwe go ya ka mabaka ao le maemo a thapo jaaka Monnasetulo a ka tlhomamisa go ya ka pholese e e boletsweng mo karolo tlaleletsong 3.
Boto, e dira ka kutlwano le Tona, e tshwanetse go tlhomamisa pholese ya thapo ya Setheo.
a ka fa teng ga ditekanyetso tsa ditšhelete tse di beilweng ke Boto, o tshwanetse go tlhomamisa tlhomo ya badiri e e botlhokwa mo tirong ya Setheo; le b a ka tlhoma batho mo diposong mo tlhomong ya badiri.
Mothapiwa wa Setheo o thapiwa go ya ka mabaka le maemo a thapo tse di tlhomamisitsweng ke Motlhankedi Mogolo go ya ka pholese ya thapo ya le ka fa gare ga ditekanyetso tsa ditšhelete tse di beilweng ke Boto.
a Motho mo tirelong ya sethwe sa naga se sengwe a ka nna a adimiwa go ya Setheong ka tumalano magareng ga Motlhankedi Mogolo le Sethwe sa naga se se jalo.
b Batho ba ba adimilweng go ya Setheong ba dira ditiro tsa bona ka fa tlase ga tlhokomelo ya Motlhankedi Mogolo.
Motho mo tirelong ya Setheo a ka nna ka tumelelo ya motho yoo, a adimiwa go ya sethweng se sengwe sa naga ka tumalano magareng ga Motlhankedi Mogolo le sethwe sa naga se se jalo.
Setheo ke seemanosi sa setšhaba sa mabaka a Molao wa Setšhaba wa Tsamaiso ya Ditšhelete, mme se tshwanetse go tsamaisana le ditshiamelo tsa Molao oo.
f lotseno lo lo tswang lo lo boletsweng mo dikarolong 32; le g madi a a tswang motsweding o mongwe le o mongwe osele, go ya ka Molao wa Setšhaba wa Tsamaiso ya Ditšhelete.
a go ikaegilwe ka pholese ya peeletso efe kana efe e e ka tlhalosiwang go ya ka karolo 74 ya Molao wa Setšhaba wa Tsamaiso ya Ditšhelete; le b ka tsela e e jalo e Tona a ka e rebolang.
a tshingwana ya bosetšhaba ya bothani; kana b karolo ya tshingwana ya bosetšhaba ya bothani.
Mafelo a a tlhalositsweng mo Tlhabololong 1 ya Molao wa Dikgwa, 1984 Molao Nomoro 122 wa 1984, a tshwanetse go tsewa jaaka a a tlhomamisitsweng jaaka ditshingwana tsa bosetšhaba tsa bothani go ya ka karolo e.
Tlhomamiso ya lefatshe la naga jaaka tshingwana ya bosetšhaba ya bothani, kana karolo ya tshingwana ya bosetšhaba ya bothani e e leng teng, e ntse e ka se gogelwe morago le karolo ya tshingwana ya bosetšhaba ya bothani mo lefatsheng la naga e ntse e ka se kgapelwe thoko go tswa go yona ntle le tshwetso ya Ntlo ya Palamente.
d o tshwanetse go tlhomamisa ditekanyetso mo dituelong tse di bidiwang ke Setheo mo tiragatsong ya ditiro le tiro ya dithata le ditiro; le e a ka lemoga lefatshe la ditshingwana tsa setšhaba tsa bothani tse e leng dikatoloso go ya ditshingwaneng tsa bothani tse di leng teng.
Setheo se tshwanetse go diragatsa dithata tsa sona le go dira ditiro go ya ka tlwaelo le maemo, dikaelo le ditlhomamiso tse di ntshitsweng ke Tona go ya ka karolo tlaleletso 1.
Mo tiragalong ya go se nne teng ga Boto e e dirang dithata le ditiro tsa Boto di boela kwa go Tona yo mo lebakeng le le jalo, a tshwanetseng go diragatsa dithata tseo le go dira ditiro tseo go fitlha Boto e dira gape.
a tlamela thulaganyo e e rulagantsweng e e golaganang ya ditshedi tsa mefutafuta b tlamelela go tlhokomela maemo a tshomarelo ya dikarolo tse di farologaneng tsa ditshedi tsa mefutafuta tsa Aforika Borwa; le c godisa patlisiso ya ditshedi tsa mefutafuta.
c o tshwanetse go thadisa letlhomeso bogolo dingwaga tse tlhano dingwe le dingwe, le d a ka nna, fa go tlhokega, a tlhabolola letlhomeso.
Tona o tshwanetse, ka kitsiso mo Kaseteng, a phasalatse letlhomeso la bosetšhaba la ditshedi tsa mefutafuta le tlhabololo nngwe le nngwe ya letlhomeso.
c go lemoga mafelo a a tlang pele a kgato ya tshomarelo le tlhomo ya mafelo a a sireleditsweng; le d go lebelela morago tirisanommogo ya dikgaolo mo mererong e e amang tsamaiso ya ditshedi tsa mefutafuta mo Aforika Borwa.
Letlhomeso la bosetšhaba la ditshedi tsa mefutafuta le ka nna la tlhomamisa ditlwaelo le maemo tsa maano a tshomarelo ya tikologo ya porofense le mmasepala.
a a tlhomamisa kgaolo ya thutafatshe jaaka kgaolo ya ditshedi ka mabaka a Molao o fa kgaolo e tshotse gotlhe kana ditshedi tsa tikologo di le mmalwa tse di agileng mme e laolelwa ke dikagego tsa lefatshe la tsona, seapesa dimela, setso sa batho le hisitori; le b a phasalatsa leano la tsamaiso ya ditshedi tsa mefutafuta le dikarolo tsa ditshedi tsa mefutafuta mo kgaolong e e jalo.
a ka maitshimololelo a mong fela morago ga go rerisana le Mokhuduthamaga wa merero ya tikologo mo porofenseng e e maleba; kana b ka kopo ya porofense kana mmasepala.
Mokhuduthamaga wa merero ya tikologo a ka nna a tlhomamisa kgaolo jaaka kgaolo ya ditshedi le go phasalatsa leano la ditshedi tsa kgaolo tsa kgaolo eo fela ka kutlwano ya Tona.
Motho ofe kana ofe kana sethwe sa naga se ka, ka kopo ya Tona kana Mokhuduthamaga, a thusa mo paakanyong ya leano la ditshedi tsa kgaolo.
a a ka nna a tsena mo tumalanong le naga e e gaufi go bona tiragatso ya leano le le dirang; le b o tshwanetse go tlisa kwa Palamenteng khophi ya tumalano efe kana efe e e tsenetsweng go ya ka temana a.
letlhomeso la bosetšhaba la ditshedi tsa mefutafuta; le iv ditumalano tsa boditšhabatšhaba tse di maleba dife kana dife tse di tlamang mo Rephaboliking.
Tona kana Mokhuduthamaga wa merero ya tikologo mo porofenseng e e maleba, jaaka go ka nna maleba, o tshwanetse go thadisa leano la ditshedi tsa kgaolo le le phasaladitsweng go ya ka karolo 40 (b) bogolo dingwaga dingwe le dingwe tse tlhano, le go sekaseka tsamaelano le leano le kelo e mo go yona maikemisetso a teng a fitlhelelwang.
Tona kana Mokhuduthamaga a ka, fa go tlhokega, ka kitsiso mo Kaseteng, a tlhabolola leano la ditshedi tsa kgaolo kana melelwane ya kgaolo ya ditshedi.
Mokhuduthamaga a ka nna a tlhabolola leano la ditshedi tsa kgaolo kana melelwane ya kgaolo ya ditshedi fela ka kutlwano le Tona.
i tsa kwalo ya maina go ya ka karolo 55; kana ii tse di sa kwalwang maina go ya ka karolo 55 fela tse di sa tlhokeng tlhokomelo e e kgethegileng ya tshomarelo; kana c ditshedi tsa methalethale tse di fudugang go neela tlhomamo mo ditlamegong tsa Rephaboliki go ya ka tumalano ya boditšhabatšhaba e e tlamang mo Rephaboliking.
Pele go rebolwa leano la lokwalo lwa tsamaiso ya ditshedi tsa mefutafuta, Tona o tshwanetse go supa motho yo o maleba, mokgatlho kana sethwe sa naga se se ineetseng go nna maikarabelo a go diragatsa leano.
b go tlhomamisa mokgwa wa tiragatso ya leano; le c go neelana ka maikarabelo a tiragatso ya leano kwa mothong, mokgatlho kana sethwe sa naga se se lemogilweng go ya ka karolo tlaleletso 2.
maano a mangwe afe kana afe a a baakantsweng go ya ka peomolao ya bosetšhaba kana porofenseng e e amegang; le viii ditumalano tsa boditšhabatšhaba dife kana dife tse di maleba tse di tlamang mo Rephaboliking.
Tona o tshwanetse go thadisa leano la ditshedi tsa mefutafuta le le phasaladitsweng go ya ka karolo 43 bogolo dingwaga dingwe le dingwe tse tlhano, le go sekaseka tsamaelano le leano le boleng bo maikemisetso a teng a a fitlhelelwang.
Tona, e ka nna ka maitshimololelo a gagwe kana ka kopo ka motho yo o nang le kgatlhego, mokgatlho kana sethwe sa naga, a ka nna ka kitsiso mo Kaseteng, a tlhabolola leano la tsamaiso ya ditshedi tsa mefutafuta e e phasaladitsweng go ya ka karolo 433.
a le motho, mokgatlho le sethwe sa naga se se diragatsang leano; le b le sethwe sengwe le sengwe seo ditiro tsa sona di amang tiragatso ya leano.
Pele ga go tshola kana thebolo ya letlhomeso la bosetšhaba la ditshedi tsa mefutafuta, leano la kgaolo ya ditshedi kana leano la tsamaiso ya ditshedi tsa mefutafuta kwa leanong la tlhabololo e e jalo, Tona o tshwanetse go latela tirego ya ditherisano go ya ka dikarolo 96 and 97.
Pele ga go tshola leano la kgaolo ya ditshedi, kana tlhabololo efe kana efe kwa leanong le le jalo, Mokhuduthamaga wa merero ya tikologo mo porofenseng e e maleba o tshwanetse go latela tirego ya ditherisano e e botlhokwa go ya ka dikarolo 96 and 97.
c matlhomeso afe kana afe a a laolang le tlhabololo go ya ka molao o o laolang tsamaiso ya tiriso ya lefatshe, tlhabololo ya lefatshe le thulaganyo e e amang tse di laolwang ke leloko la Kabinete le le ikarabelelang merero ya lefatshe; le d maano afe a mangwe go ya ka molao wa bosetšhaba kana porofense e e amegang.
b go tsenya mo leanong leo ditshiamelo tseo tsa letlhomeso la bosetšhaba la ditshedi tsa mefutafuta kana leano la kgaolo ya ditshedi le le dirang mo go lona; le c go bontsha mo leanong la teng ka fao letlhomeso la bosetšhaba la ditshedi tsa mefutafuta le leano lefe kana lefe la kgaolo ya ditshedi le le dirang le ka diragadiwang ke sethwe seo sa naga kana mmasepala.
a thusa Tona le ba bangwe ba ba amegang mo paakanyong ya letlhomeso la ditshedi tsa mefutafuta, leano la kgaolo ya ditshedi kana leano la tsamaiso ya kgaolo ya ditshedi go tsamaisana le karolo tlaleletso 1; le b dira dikatlenegiso kwa dithweng tsa dinaga kana bommasepala ba ba supelwang mo karolo tlaleletsong 2 eo le letlhomeso la bosetšhaba la ditshedi tsa mefutafuta le leano lefe kana lefe le le dirang la kgaolo ya ditshedi.
a maemo a tshomarelo a dikarolo tse di farologaneng tsa ditshedi tsa mefutafuta tsa Aforika Borwa; le b ditlwaelo dife kana dife tse di bosula le tse di siameng tse di amang maemo a tshomarelo a dikarolo tse di farologaneng.
Tona a ka nna a tlhoka motho ofe kana ofe, mokgatlho kana sethwe sa naga se se amegang go ya ka karolo tlaleletso 1 mo go tlhokomeleng merero e e boletsweng mo karolo tlaleletsong eo go begela ka gale kwa go Tona ka dipoelo tsa go tlhokomela go go jalo go go lekanyeditsweng kgatlhanong le ditshupo tse di tlhomamisitsweng e sale gale.
a ka ngwaga a begele kwa Palamenteng ka tshedimosetso e e rometsweng kwa go Tona go ya ka karolo tlaleletso 2; le b go dira tshedimosetso e e jalo go nna teng mo phatlhalatseng.
Tona o tshwanetse go godisa patlisiso e e dirilweng ke Setheo le ditheo tse dingwe mo tshomarelong ya ditshedi tsa mefutafuta, go tsenyelediwa tiriso e e tswelelang, tshireletso le tshomarelo ya metswedi ya baoloji ya tlholego.
c tlhomamiso ya ditlhokego le ditlapele tsa tshomarelo ya ditshedi tsa mefutafuta; le d tiriso e e tswelelang, tshireletso le tshomarelo ya metswedi ya baoloji ya tlholego.
c go neela bokgoni kwa ditlamegong tsa Rephaboliki ka fa tlase ga ditumalano tsa boditšhabatšhaba tse di laolang kgwebo ya boditšhabatšhaba mo disepesimeneng tsa ditshedi tsa methalethale tse di mo kotsing; le d go tlhomamisa gore tiragatso ya ditshedi tsa mefutafuta e diragadiwa ka tsela ya ekholoji e e tswelelang.
c ditshedi tsa tikologo tse di gobadiwang, e le ditshedi tsa tikologo dife kana dife tse di nang le kotsi e e kwa godimo ya go tsamaya kwelotlase e e botlhokwa ya kagego ya ekholoji, tiro kana boleng ka ntlha ya tsereganyo ya motho, le fa e se ditshedi tsa tikologo tse di mo kotsing e e masisi kana ditshedi tsa tikologo tse di mo kotsing; le d ditshedi tsa tikologo tse di sireleditsweng, e le ditshedi tsa tikologo tse e leng tsa boleng jo bo kwa godimo jwa tshomarelo e e jalo kana botlhokwa jwa bosetšhaba, le fa di sa kwalwa ka maina go ya ka ditemana a, b kana c.
Lenane le le tewang mo karolo tlaleletsong 1 le tshwanetse go tlhalosa ka dintlha tse di lekaneng lefelo la ditshedi tsa tikologo dingwe le dingwe mo lenaneng.
Tona le Mokhuduthamaga wa merero ya tikologo mo porofenseng efe kana efe e e maleba o tshwanetse go thadisa, ka tatelano, manane a bosetšhaba le a porofense a a phasaladitsweng go ya ka karolo tlaleletso 1 bogolo morago ga dingwaga di le tlhano dingwe le dingwe.
Tona a ka phasalatsa kana a tlhabolola lenane la porofense fela ka kutlwano le Tona.
Tona a ka nna a, ka kitsiso mo Kaseteng a lemoga tirego efe kana efe tiro mo ditsheding tsa tikologo tsa kwalo ya maina jaaka tirego e e tshosetsang.
Tirego e e tshosetsang e e lemogilweng go ya ka karolo tlaleletso 1 e tshwanetse go tsewa jaaka tiro e e tlhalositsweng e e akanngwang mo karolong 242b ya Molao wa Bosetšhaba wa Tsamaiso ya Tikologo mme ditshedi tsa tikologo tsa kwalo ya maina di tshwanetse go tsewa jaaka lefelo le le lemogilweng ka maikaelelo a karolo eo.
Setheo sa naga se se tshwanetseng go baakanya tiragatso ya tikologo kana leano la tsamaiso ya tikologo go ya ka Kgaolo 3 ya Molao wa Bosetšhaba wa Tsamaiso ya Tikologo, le mmasepala o o tshwanetseng go tshola leano la tlhabololo e e tshwaraganeng go ya ka Mmuso wa Selegae: Molao 2000 wa Ditsela tsa Mmasepala (Molao Nomoro 32 wa 2000) o tshwanetse go lebelela tlhokego ya tshireletso ya ditshedi tsa tikologo tsa kwalo ya maina.
Tona kana Mokhuduthamaga wa merero mo porofenseng efe kana efe e e maleba a ka nna ka kitsiso mo Kaseteng, a tlhabolola kana go phimola Kitsiso efe kana efe e e phasaladitsweng ke ena go ya ka karolo 51 kana 52.
c ditshedi tsa methalethale tse di gobadiwang, e le ditshedi tsa methalethale ya tlholego tse di lebaganeng le kotsi e e kwa godimo e e feteletseng mo go tse di tlhaga mo isagong ya lobaka lo lo fa gare, le fa e se ditshedi tsa methalethale tse di tshosediwang mo go kotsi kana ditshedi tsa methalethale tse di tshosediwang; le d ditshedi tsa methalethale tse di sireleditsweng, e le ditshedi tsa methalethale tse e leng tsa boleng ba tshomarelo bo bo kwa godimo kana botlhokwa jwa bosetšhaba gore di tlhoka tshireletso ya bosetšhaba, le fa di sa kwalwa ka maina go ya ka dtemana a, b kana c..
Tona o tshwanetse go thadisa manaane a a phasaladitsweng go ya ka karolo tlaleletso 1 bogolo dingwaga dingwe le dingwe tse tharo.
Motho a ka, kwa ntle ga tumelelo e e ntshitsweng go ya ka Kgaolo 7 a dira tiro e e lekanyeditsweng e e amang sepesimene sa ditshedi tsa methalethale tsa kwalo ya maina tse di tshosediwang kana di sireleditswe.
a e e leng ya boleng bo bo ka nnang ba ama ka fa go sa siamang mo phalolong ya ditshedi tsa methalethale tsa kwalo ya maina tse di tshosediwang kana di sireleditswe; le b tse di tlhalositsweng mo kitsisong.
Karolo tlaleletso 1 ga e dire malebana le sepesimene sa ditshedi tsa methalethale tsa kwalo ya maina tse di tshosediwang kana tse di sireleditsweng tse di rwalang go tswa ka kwa ntle ga Rephaboliki mo phetisong go ralala Rephaboliki go ya bogorogelong ka kwa ntle ga Rephaboliki, fa e le gore phetiso e e jalo go laola go ralala Rephaboliki e diragala ka fa tlase ga taolo ya motlhatlhobi wa tsamaiso ya tikologo.
Tona a ka, ka kitsiso mo Kaseteng a tlhabolola kana a phimola kitsiso efe kana efe e e phasaladitsweng go ya ka karolo 55 kana 56.
e a ka nna a dira tshedimosetso le dikwalo tse di amanang le tumalano ya boditšhabatšhaba e e jalo go nna teng mo phatlhalatseng; le f a ka nna a tlhagisa mokgwa wa kwadiso ya ditheo, ditiro tsa thuo, makidi a dimela, ditiro tsa go tsadisa tsa botshwaro le ditlamelwana tse dingwe.
Tona o tshwanetse go tlhoma bothati ba saense ka mabaka a go thusa mo go laoleng le go lekanyetsa kgwebo mo dikaong tsa bontsi tsa ditshedi tsa methalethale tsa kwalo ya maina tse di tshosediwang kana tse di sireleditsweng.
Setheo se tshwanetse go tlamela tshegetso ya lojisetiki, tsamaiso le ditšhelete gore go nne le go dira go go lolameng ga bothati ba saense.
i e e tlhalositsweng; kana ii e e rometsweng kwa go bona ke Tona go ya ka karolo 47D ya Molao wa Bosetšhaba wa Tsamaiso ya Tikologo ; le i bo dirana le morero o mongwe ofe kana ofe o o tlhokang wa, kana ka kwelano e e utlwalang mo dithateng le ditirong tsa bona,.
a go baya diphitlhelelo tsa bona, dikatlanegiso le keletso mo thadisong ya saense le ya porofešenale ya tshedimosetso e e leng teng; le b go rerisana, fa go tlhokega dithwe tsa naga, lephata la poraefete, mekgatlho e e seng ya mmuso, baagi ba selegae le banna le seabe ba bangwe pele go dirwa diphitlhelelo dife kana dikatlanegiso kana go neela keletso efe kana efe.
Bothati ba saense bo tshwanetse go phasalatsa ka kitsiso mo Kaseteng diphitlhelelo dife kana dife tsa ngwaga tse di se nang tshenyo mo kgwebong ya disepesimene tsa ditshedi tsa methalethale tsa kwalo ya maina tse di tshosediwang go ya ka tumalano ya boditšhabatšhaba e e laolang kgwebo ya boditšhabatšhaba mo disepesimeneng tsa ditshedi tsa methalethale tsa kwalo ya maina tse di tshosediwang kana tse di sireleditsweng tse di tlamang mo Rephaboliking.
Diphitlhelelo tsa nakwana dife kana dife tsa bothati ba saense di tshwanetse go phasaladiwa mo Kaseteng gore setšhaba se bone tshedimosetso mo malatsing a le 30 morago ga fa tshwetso e dirilwe.
Pele go phasaladiwa kitsiso go ya ka karolo 51 , 52 , 55 kana 56 , go tlhabolola kana go phimolwa ga kitsiso e e jalo go ya ka karolo 54 kana 57, Tona o tshwanetse go latela tirego ya go ya ka dikarolo 96 le 97.
Pele go phasaladiwa kitsiso go ya ka karolo 511, kana go tlhabolola kana go phimolwa kitsiso e e jalo go ya ka karolo 54, Mokhuduthamaga wa merero ya tikologo mo porofenseng e e maleba o tshwanetse go latela tirego ya ditherisano mo go lekaneng go ya ka dikarolo 96 le 97.
b diragatsa le go laola ditshedi tsa methalethale tsa kwa ntle le ditshedi tsa methalethale tse di anamang go thibela kana go fokotsa kutlwiso botlhoko kwa tikologong le go ditshedi tsa mefutafuta bogolo segolo; le c nyeletsa ditshedi tsa methalethale ya kwa ntle le ditshedi tsa methalethale tse di anamang go tswa ditsheding tsa tikologo le bonno koo e ka utlwisang botlhoko ditshedi tsa tikologo tse di jalo kana banni.
Ka maikaelelo a Kgaolo e , "sepesimene" se na le bokao bo se bo neilweng mo ditemaneng le tsa tlhaloso ya a le b ya tlhaloso ya "sepesimene" mo temaneng 11.
Motho a ka se re kwa ntle ga tumelelo e e rebotsweng go ya ka Kgaolo 7 a dire tiro e e lekanyeditsweng e e amang sepesimene sa ditshedi tsa methalethale tsa kwa ntle.
Tumelelo go ya ka karolo tlaleletso 1 e ka nna ya ntshiwa fela fa morago ga fa tlhatlhobo e e beilweng ya dikotsi tse di maatla mo mefutafuteng ya ditshedi e dirilwe.
a ditshedi tsa methalethale tsa kwa ntle dife kana dife tse di tlhalositsweng mo kitsisong; kana b ditshedi tsa methalethale tsa kwa ntle dife kana dife tsa setlhopha se se tlhalositsweng.
Motho ofe kana ofe a ka nna a dira tiro e e lekanyeditsweng e e amang sepesimene sa ditshedi tsa methalethale tsa kwa ntle tse di rebotsweng kwa ntle ga tumelelo e e boletsweng mo go karolo 64 1.
Tona a ka nna ka kitsiso mo Kaseteng a phasalatsa lenane la ditshedi tsa methalethale tsa kwa ntle malebana le tsa tumelelo tse di boletsweng mo go karolo 64 di ntse di ka se rebolwe.
Motho a ka se dire tiro e e lekanyeditsweng e e amang sepesimene sa ditshedi tsa methalethale tse di anamang tsa kwalo ya maina tse di phasaladitsweng go ya karolo tlaleletso 1.
Tona o tshwanetse kgabetsa a thadise lenane le le phasalditsweng go ya ka karolo tlaleletso 1.
Tona a ka nna, ka kitsiso mo Kaseteng, a tlhabolola kana a nyeletsa kitsiso efe kana efe e e phasaladitsweng go ya ka karolo 65 kana 66.
a go tsamaisana le maemo a a tsamaelanang le se tumelelo e se reboletsweng; le b go tsaya dikgato tsotlhe tse di tlhokegang go thibela kana go fokotsa tshenyo mo methalethaleng ya ditshedi.
a jaaka go ka tlhokega go phekola tshenyo efe kana efe mo methalethaleng ya ditshedi tse di tlisiwang ke dikgato tsa motho yoo; le b jaaka go ka tlhalosiwa mo kaelong.
a diragatsa kaedi; le b amogela go tswa mothong yoo ditshenyegelo tsotlhe tse di bonweng ke bothati bo bo kgonang mo go diragatseng kaedi.
Fa ditshedi tsa methalethale ya kwa ntle e ka itlhoma mo tlholegong jaaka ditshedi tsa methalethale tse di anamang ka ntlha ya dikgato tsa motho yo o rileng, bothati bo bo kgonang ba ka nna ba tshola motho yoo maikarabelo a ditshenyegelo dife kana dife tse di tlhageletseng mo taolong le nyeletsong ya ditshedi tsa methalethale.
Tona a ka, ka kitsiso mo Kaseteng, a phasalatsa lenane la ditshedi tsa methalethale tse di anamang tsa Kgaolo e e dirang.
Tona o tshwanetse gore ka tlwaelo a thadise lenane le le phasaladitsweng go ya ka karolo tlaleletso 1.
Motho a ka se re kwa ntle ga tumelelo e e rebotsweng go ya ka Kgaolo 7 a dire tiro e e lekanyeditsweng e e amang sepesimene sa ditshedi tsa methalethale tse di anamang tsa kwalo ya maina.
Tumelelo malebana le karolo tlaleletso 1 e ka nna ya ntshiwa fela morago ga fa tshekatsheko e e tlhalositsweng ya dikotsi e e tlhalositsweng le dikutlwalo tse di maatla mo mefutafuteng ya ditshedi tse di boletsweng e dirilwe.
Tona a nna, ka kitsiso mo Kaseteng, a tlhabolola kana go phimola kitsiso efe e e phasaladitsweng go ya ka karolo 70.
a go tsamaisana le maemo a a tsamaelanang le se tumelelo e se reboletsweng; le b go tsaya dikgato tsotlhe tse di tlhokegang go thibela kana go fokotsa tshenyo mo mefutafuteng ya ditshedi.
b go tsaya dikgato go laola le go tlosa ditshedi tsa methalethale tse di anamang tsa kwalo ya maina le go thibela go anama; le c go tsaya dikgato tse dingwe tsotlhe tse di utlwalang go thibela kana go fokotsa kotsi kwa mefutafuteng ya ditshedi.
i dikgato tsa motho yoo; kana ii tlhagelelo ya ditshedi tsa methalethale tse di anamang tsa kwalo ya maina mo lefatsheng le mo go lona motho yoo, e leng mong; le b jaaka go ka tlhalosiwa mo kaeding.
i go tswa go motho yoo; kana ii ka go lekana go tswa go motho yoo le motho yo mongwe yo o boneng tshiamelo go tswa tiragatsong ya kaedi.
Motho ofe kana ofe a ka nna a kopa bothati bo bo kgonang, ka go kwala, go ntsha kaedi go ya ka karolo 72.
Bothati bo bo kgonang bo tshwanetse go arabela kopo, ka go kwala, mo malatsing a le 30 a kamogelo ya kopo.
Fa bothati bo bo kgonang bo ka tlholega go arabela kopo mo nakong e e boletsweng kana bo gane kopo, motho yo o dirileng kopo a ka kopa kwa kgotlatshekelo taolelo e e kaelang bothati bo bo kgonang go ntsha kaedi.
Taolo le phimolo ya ditshedi tsa methalethale tse di anamang tsa kwalo ya maina di tshwanetse go dirwa ka mokgwa o o jalo jaaka o o maleba wa ditshedi tsa methalethale tse di amegang le tikologo e di tlhagelelang mo go yona.
Kgato nngwe le nngwe go laola le go phimola ditshedi tsa methalethale tse di anamang tsa kwalo ya maina di tshwanetse go dirwa ka tlhokomelo le ka mokgwa o o tla bakang tshenyo e nnye ka fa go ka kgonegang mo mefutafuteng ya ditshedi le tshenyo mo tikologong.
Mekgwa e e dirisiwang go laola le go phimola ditshedi tsa methalethale tse di anamang tsa kwalo ya maina di tshwanetse gape go lebisiwa kwa matlhogeleng, go tlhagisa matheriale le go godisa gape ditshedi tsa methalethale tse di jalo gore di tlhagise bana, go bopa peo, go tsosolosa kana go itlhoma ka tsela efe.
Tona o tshwanetse go tlhomamisa Thulaganyo le tiragatso ya mananeo a thibelo, taolo kana phimolo ya ditshedi tsa methalethale ya ditshedi.
Tona a ka nna a tlhoma, seemanosi se se nang le badiredi ba setšhaba go rulaganya le go diragatsa mananeo a thibelo, taolo le phimolo ya ditshedi tsa methalethale.
Bothati ba tsamaiso jwa lefelo le le sireleditsweng bo bo baakanyetsang leano la tsamaiso la lefelo go ya ka karolo 59 ya Molao wa Mafelo a a Sireleditsweng bo tshwanetse go tsenya mo leanong la tsamaiso taolo ya ditshedi tsa methalethale tse di anamang le togamaano ya phimolo.
Dithwe tsotlhe tsa naga mo sedikong sa mmuso di tshwanetse go baakanya tlhokomelo ya ditshedi tsa methalethale tse di anamang, taolo le leano la tshenyo ya lefatshe ka fa tlase ga taolo ya bona, jaaka karolo ya maano ya bona go ya ka karolo 11 ya Molao wa Bosetšhaba wa Tsamaiso ya Tikologo. Taolo ya ditshedi tsa methalethale tse di anamang le maano a phimolo a bommasepala a tshwanetse go nna karolo ya maano a tlhabololo e e tshwaraganeng ya bona.
Tona a ka nna a kopa Setheo go thusa bommasepala mo go tsamaelaneng le ditiro tsa bona go ya ka karolo tlaleletso 2.
e dikgato tsa ga jaana go laola le go phimola ditshedi tsa methalethale tse di anamang jalo; le f ditshupetso tse di ka lekanyediwang tsa tswelelelopele le katlego, le ditshupetso tsa gore leng, leano la taolo le tla fediwa.
Bothati jwa tsamaiso jwa karolo e e sireleditsweng bo tshwanetse ka dikgala tsa tlwaelo bo siamise le go romela kwa go Tona kana Mokhuduthamaga wa merero ya tikologo mo porofenseng pegelo ka maemo a nngwe le nngwe ya ditshedi tsa methalethale tse di anamang tsa kwalo ya maina e e tlhagelelang mo karolong eo.
b tlhaloso e e tletseng ya dikarolo tsa lefelo tse di tshwanetsweng ke ditshedi tsa methalethale tse di anamang tsa kwalo ya maina; le d pegelo mo bokgoning ba tlhagiso ya taolo e e fetileng le phimolo ya dikgato.
Tona o tshwanetse, pele a phasalatsa kitsiso go ya ka karolo 65 , 66 kana 69 , kana go tlhabolola kana go phimola kitsiso e e jalo go ya karolo 68 kana 72, a latele tirego ya ditherisano go ya ka dikarolo 96 le 97.
a laola patlisiso ya ditshedi tsa matheriale wa tlhago o o tswang mo metsweding ya baoloji ya tlholego; le b go tlamelela kgaogano ya ditshiamelo e e siameng e e lekanang e e tswang mo patlisisong ya disthedi tsa matheriale wa tlhago o o tswang mo metsweding ya baoloji ya tlholego.
a patlisisong ya ditshedi wa tlhago o o tswang mo metsweding ya baoloji ya tlhago; le b thomelo ntle go tswa Rephaboliking, ka mabaka a patlisiso ya ditshedi tsa metswedi ya baoloji ya tlholego ya kwalo ya maina ke Tona ka kitsiso mo Kaseteng.
diphologolo tse di sa tlwaelegang dife kana dife, dimela kana ditshedinyana tse dingwe dife kana ditshedinyana tse dingwe tse di tewang mo temaneng a iii; le iii metswedi ya baoloji ya tlholego ya kwalo ya maina go ya ka Tumalano ya Boditšhabatšhaba mo Metsweding ya Semela sa Tlhago sa Dijo le Temothuo; le metswedi ya baoloji ya tlholego ya kwalo ya maina e kaya metswedi ya baoloji ya tlholego efe kana efe ya kwalo ya maina go ya ka karolo tlaleletso (b).
Kgaolo e e tshwanetse go ranolwa go ya ka molao ofe kana ofe o o dirang.
Motho a ka se, kwa ntle ga tumelelo e e rebotsweng go ya ka Kgaolo 7, a tshwaragana le patlisiso ya matheriale wa tlhago go tswa metsweding ya baoloji ya tlholego.
a motho kana baagi ba ba tlamelang kana ba ba neelang phitlhelelo kwa metsweding ya baoloji ya tlholego ka mabaka a patlisiso ya ditshedi e e jalo, a dumetse mabaka le maemo a tumalano le kgaogano ya tshiamelo e e tla laolang tshiamelo e e jalo kana phitlhelelo; le b Tona go ya ka karolo 802 o rebotse tumalano ya kgaogano ya tshiamelo e e tshisintsweng magareng ga mekgatlho.
Tumelo e e boletsweng mo karolo tlaleletsong 2 a e tshwanetse go bewa mo karolong e e tletseng ya tshedimosetso yotlhe e e maleba, go tsenyelediwa tiriso e e ikaeletsweng ya metsedi eo ya tlholego.
d bo ka dira dikatlanegiso kwa go Tona; le e bo tshwanetse go dira ditiro tse dingwe dife tse di ka tlhalosiwang.
d go baya mokgwa o mo go ona le sekgala se mo go sona metswedi ya baoloji ya tlholego e tshwanelwang ke go dirisiwa kana go tlhabololwa ka mabaka a patlisiso ya ditshedi e e jalo ; le e go baya mokgwa o mo go ona motho le sekgala se mo go sona motho kana baagi ba ba tlamelang metswedi eo ya baoloji ya tlholego ba tla kgaoganang morokotso ofe kana ofe, lotseno kana ditshiamelo tse dingwe tse di ka tlhagang go tswa mo lotsenong kana ditshiamelo tse dingwe tse di tswang go tswa mo go khomešelaeseng ka patlisiso ya disthedi ya metswedi ya baoloji ya tlholego e e jalo; le f go rekota dintlha tsa ditshiamelo dife tse di jalo.
a e tshwanetse go romelwa kwa go Tona go rebolwa; le b ga e direge kwa ntle ga fa e rebotswe ke Tona.
Motho a se, kwa ntle ga tumelelo e e ntshitsweng go ya ka Kgaolo 7, a romele ntle go tswa Rephaboliking metswedi ya baoloji ya tlholego efe kana efe ya kwalo ya maina ka mabaka a patlisiso kana patlisiso ya ditshedi.
a motho kana baagi ba ba tlamelang kana ba ba nayang phitlhelelo kwa metsweding ya baoloji ya tlholego e e maleba ya mabaka a thomelo e e jalo ba dumetse go ya ka mabaka le maemo a tumalano ya matheriale o o fetisitsweng o o tla laolang tshiamelo e e jalo kana phitlhelelo; le b Tona go ya ka karolo 822 o rebotse tumalano ya phetiso ya matheriale e e tshisintsweng magareng ga mekgatlho.
Tumalano e e boletsweng mo karolo tlaleletsong 2 a e tshwanetse go bewa mo kutololong e e tletseng ya tshedimosetso yotlhe e e maleba, go tsenyeletsa tiriso e e ikaeletsweng ya metswedi ya baoloji ya tlholego.
d bo ka dira dikatlanegiso kwa go Tona; le e bo tshwanetse go dira ditiro tse dingwe dife tse di ka tlhalosiwang.
ditiriso tsa jaanong le tse di nonofileng tsa metswedi ya baoloji ya tlholego; le vii go tlhalosa maemo a ka fa tlase ga ona moamogedi a ka tlamelang metswedi ya baoloji ya tlholego e e jalo, kana dikokomane tsa bona go ya lekokong la boraro.
a e tshwanetse go romelwa kwa go Tona go bona thebolo ; le b ga e dire kwa ntle le fa e rebotswe ke Tona.
Letlole la Therasete la Patlisiso ya ditshedi le tlhomilwe le mo go lona madi otlhe a a tswang ditumalanong tsa tshiamelo e e kgaoganweng kana ditumalano tsa phetiso ya matheriale, le le kolotiwang beng le batlamedi ba metswedi ya baoloji ya tlholego, le go tshwanetseng go duelwa, go tswa mo dituelong tsotlhe go ya baamogeladitshiamelong le tshwanetse go dirwa.
Madi otlhe a a duetsweng mo letloleng la therasete la patlisiso ya ditshedi ka fa teng ga bokao jwa karolo 131fii ya Molao wa Setšhaba wa Tsamaiso ya Ditšhelete.
b ditiro tse di laolwang go ya ka kitsiso e e phasaladitsweng go ya ka karolo 562; kana c patlisiso ya ditshedi e e amang metswedi ya baoloji ya tlholego go ya ka karolo 791; kana d thomelo ntle ya metswedi ya baoloji ya tlholego ya patlisiso kana patlisiso ya ditshedi go ya ka karolo 811.
Motho a ka nna a dira kopo ya tumelelo ka go tsenya kopo mo foromong e e tlhalositsweng kwa bothating.
c rebola tumelelo ntle le mabaka kana go e rebola go ya ka mabaka; kana d gana tumelelo.
g ditlhokego dife kana dife tse di ka tlhalosiwang.
Fa maemo a a gapeletsang a tlhaloseditswe mofuta ofe kana ofe wa tumelelo, bothati bo bo rebolang bo ntse bo ka se rebole tumelelo ya mofuta oo go na le se se tsamaisanang le maemo ao.
Fa kopo e gannwe, bothati bo bo rebolang bo tshwanetse go neela mo nakong mabaka a tshwetso kwa mokoping ka go mo kwalela.
Pele go ntshiwa tumelelo, bothati bo bo rebolang bo ntse ka go kwala jwa tlhoka mokopi go bo tlamela, ka ditshenyegelo tsa mokopi, ka tshekatsheko ya kotsi e e kemetseng kana bopaki jwa moitseanape jaaka bothati bo bo rebolang bo ka tlhomamisa.
b e ka nna ya rebolwa ka maemo a a tlhalositsweng mo tumelelong; le c e tshwanetse go nna mo foromong e le dintlha tse dingwe tse di jalo jaaka go ka tlhalosiwa.
Tumelelo e e rebotsweng go ya ka karolo 88 ga e tlamolole motshodi kana motho ofe yo mongwe mo go tsamaelaneng le ditshiamelo tsa molao o o dirang ofe kana ofe o mongwe.
c ditshiamelo tsa go dumelelwa tiro di botlhokwa bo bogolo go na le ditshenyegelo tse di amanngwang le go thibela kana go phekola tshenyo efe kana efe e e latelang kwa tikologong kana mefutafuteng ya ditshedi; le d go kgotsofatsa gore dikgato tse di lekaneng di tserwe ke mokopi go thibela go sutlha le kgasano ya ditshedi tsa methalethale.
a diragatsa maatla a bona a a kopaneng; le b go ntsha tumelelo e le nngwe e e kopaneng mo boemong jwa tumelelo e e atlhologantsweng le tetlelelo.
Bothati bo bo maatlafaditsweng ka fa tlase ga molao o mongwe bo ka rebola tumelelo e e kopaneng ya tiro e e fa isong fa bothati boo bo tlhomamisitswe go ya ka Molao o gape jaaka bothati bo bo rebolang jwa ditumelelo malebana le tiro eo.
i ditshiamelo tsa mongwe le mongwe go ya ka se o se ntsheditsweng; le ii bothati kana botlhe ba ba e rebotseng.
tshiamelo efe kana efe ya Molao o kana molao o mongwe o o laolang tiro e e dumeletsweng; kana iii molao ofe wa kwa ntle o o laolang tiro e e dumeletsweng.
Mokopi yo o ikutlwang a utlwile botlhoko ka tshwetso ya bothati bo bo rebolang go ya ka karolo 85 (c)kana (d), kana motshola tumelelo yo tumelelo ya gagwe e phimotsweng go ya ka karolo 90, a ka tsenya boikuelo le Tona kgatlhanong le tshwetso mo malatsing a le 30 morago ga go itsesiwe ka tshwetso.
b a lebisetse gape boikuelo kwa go Mokhuduthamaga ya merero ya tikologo mo porofenseng e e maleba go sekaseka le go swetsa ka boikuelo; kana c go tlhomamisa phanele ya batho go sekaseka le go swetsa boikuelo.
Boikuelo ga bo emise tshwetso kgatlhanong le boikuelo bo bo tsentsweng kwa ntle ga fa Mokhuduthamaga kana phanele ya go ikuela e e sekasekang boikuelo e lebisa ka tsela e nngwe.
a palo ya batho ba kitso e e maleba jaaka maloko a phanele; le b a le mongwe wa maloko a phanele jaaka leloko le le tshwereng.
Leloko le le tshwereng la phanele ya boikuelo le swetsa gore phanele e kopana leng le gore kae.
a go sekaseka le go swetsa boikuelo go ya ka tsamaiso e e tlhalositsweng ; le b go tshola rekoto ya ditsweletso tsa yona le ditshwetso.
a ka le lengwe ba tshola kana ba gana boikuelo; le b fa ba tshola kana ba gana boikuelo, ba dira ditaolelo tse dingwe tse di jalo jaaka go ka nna maleba.
b le lebaka go ya ka fa tumelelo e neng e rebotswe ka teng, Tona, Mokhuduthamaga kana phanele ya boikuelo ba ka nna ba gogela morago kana ba tlhabolola maemo; kana c go phimola tumelelo, Tona, Mokhuduthamaga kana phanele ya boikuelo ba ka busetsa tumelelo.
f morero o mongwe ofe o o ka tlhalosiwang go ya ka Molao o; le g morero o mongwe ofe kana ofe o o ka tlhokegang go tsamaisa tiragatso ya Molao o.
Molawana ofe kana ofe o o nang le ditlamorago tsa lotseno lwa lokgetho ka tlhamalalo o ka dirwa fela ka kutlwano le Tona ya Ditšhelete.
Pele go phasaladiwa melawana efe kana efe go ya ka karolo tlaleletso 1, kana tlhabololo nngwe le nngwe kwa melawaneng, Tona o tshwanetse go latela tirego ya ditherisano go ya ka dikarolo 96 le 97.
Karolo tlaleletso 3 ga e tlhoke go diragadiwa kwa phetogong e e sa utlwaleng thata ya melawana.
methalethale ya ditshedi kana ditlhopha tsa ditshedi tsa methalethale ; kana iv ditlhopha tsa ditumelelo kana bokuelo.
b tefiso e e maleba; kana c tsoopedi tefiso le kgolegelo e e jalo..
Pele go diragadiwa dithata tse di, go ya ka tshiamelo ya Molao o, tse di tshwanetseng go diragadiwa go ya ka karolo e, le karolo 97, Tona o tshwanetse go latela tirego ya ditherisano jaaka go ka nna maleba mo mabakeng.
b go ya ka ditheo tsa taolo ya tirisanommogo jaaka e beilwe mo Kgaolong 3 ya Molaotheo, go rerisana le Mokhuduthamaga wa merero ya tikologo ya porofense nngwe le nngwe e e tla amiwang ke tiragatso ya dithata; le c go dumelela go nna le seabe ga setšhaba mo tiregong go ya ka karolo 97.
a mo Kaseteng; le b bogolo mo kuranteng e le nngwe e e phatlhaladiwang ka bosetšhaba, kana fa e le gore tiragatso ya dithata e tla ama lefelo le le rileng fela, mo kuranteng bogolo e le nngwe e e phatlhaladiwang mo lefelong leo.
Tona a ka, mo mabakeng a a maleba a dumelela motho yo o nang le kgatlhego kana baagi go tlhagisa dikemedi tsa molomo kana dikgano kwa go Tona kana motho yo o tlhomilweng ke Tona.
Tona o tshwanetse go neela tshekatsheko e e maleba kwa dikemeding tsotlhe kana dikgano tse di amogetsweng kana tse di tlhagisitsweng pele go diragadiwa maatla.
b kitsiso e e phasaladitsweng go ya ka karolo 562; kana c kaelo e e rebotsweng go ya ka karolo 682 kana 723.
b a dirile tiro e tumelelo e neng e rebotswe ka tsela e nngwe go na le go ya ka mabaka a a tsamaelanang le se tumelelo e neng e se reboletswe; kana c go dumelela kana go letla motho ofe kana ofe yo o mongwe go dira, kana go tlholega go dira, sengwe le sengwe se e leng molao go ya ka temana a kana b.
c a fetisa, a dirisa, a fetola kana a na le lokwalo mo go ena lo lo fetotsweng kana lo fosagatse lo lo tshwanelwang ke go nna tumelelo; kana d ka kitso a dira seteitemente se se fosagetseng kana pegelo ka mabaka a go bona tumelelo.
Motho yo o atlhotsweng ka molao go ya ka karolo 102 o tshwanelwa ke tefiso, kana kgolegelo ya lobaka lo lo sa feteng dingwaga tse tlhano , kana tsoopedi tefiso e e jalo le kgolegelo e e jalo.
a bokana bo bo tlhalositsweng go ya ka Molao o o Laolang Dituelo tse Dikgolo , 1999 Molao Nomoro 101 wa 1991; kana b fa motho a atlholetswe molato o o amang sepesimene sa ditshedi tsa methalethale tsa kwalo ya maina tse di tshosediwang kana tse di sireleditsweng, bokana bo bo tlhomamisitsweng go ya ka temana a kana bo bo lekanang garago boleng ba khomese ya sepesimene malebana le molato o o dirilweng, sefe se se ka bong e le se segolwane.
Molao wa Dikgwa, 1984 , o phimolwa ka Molao o.
Sengwe le sengwe se se dirwang go ya ka Molao wa Dikgwa, 1984 (Molao Nomoro 122 wa 1984), se ka, kana se tshwanetse go dirwa go ya ka Molao o o tshwanetseng go tswa o dirilwe go ya ka Molao o.
b motlhankedi mogolo wa Bothani ya Bosetšhaba ya Aforika Borwa o nna mokhuduthamaga wa nama o sa tshwere wa Setheo sa Bosetšhaba sa Ditshedi tsa mefutafuta mme o sala go nna mokhuduthamaga wa go fitlha Boto e tlhoma motho jaaka motlhankedi mogolo wa Setheo go ya ka karolo 29; le c maloko a badiri otlhe a Setheo sa Bosetšhaba sa Bothani, go tsenyelediwa mokhuduthamaga wa sona, a tshwanetse go tsewa jaaka a a setseng a tlhomilwe go ya karolo 30 jaaka maloko a badiri a Setheo sa Bosetšhaba sa Ditshedi tsa mefutafuta sa Aforika Borwa go ya ka maemo a tirelo a a tshwanang a a dirilweng mo go bona ka bonako pele ga phimolo ya Molao wa Dikgwa, 1984.
Karolo tlaleletso 2 c ga e ame phensene, maikhutso le ditshiamelo tse dingwe tse di kokotlegelelang maloko a badiri e e boletsweng mo go karolo tlaleletsong eo pele ga phimolo ya Molao wa Dikgwa, 1984, mme ditshiamelo tse di jalo di tshwanetse go tlotliwa jaaka e kete go ne go se kgaogo mo tirelong ya tsona.
a matlotlo otlhe le melato le ditshwanelo tsotlhe le ditlamego tsa Setheo sa Bosetšhaba sa Bothani di beilwe mo Setheong sa Ditshedi tsa mefutafuta sa Aforika Borwa; le b tekano efe kana efe mo Letloleng la Bosetšhaba la Setheo sa Bothani le le boletsweng mo karolong 64 ya Molao oo le tshwanetse go duelwa kwa Setheong sa Bosetšhaba sa Ditshedi tsa mefutafuta sa Aforika Borwa.
Leloko lefe kana lefe le le amegang kwa tshimologong ya Kgaolo 6 mo porojekeng ya patlisiso ya ditshedi e mo go yona karolo 80 e dirang, le ka nna le mororo ka karolo eo la tswelela ka porojeke le sa letile dipuisano le go tsenela mo tiragatsong ya tumalano ya kgaogano ya tshiamelo e e maleba go ya ka Kgaolo eo.
Karolo tlaleletso 1 e fela ngwaga o le mongwe morago ga fa Kgaolo 6 e simolotse.
Molao o o bidiwa Molao wa Bosetšhaba wa Tsamaiso ya Tikologo ya Ditshedi tsa mefutafuta 2003, mme o simolola ka letlha le le tlhomamisitsweng ke Moporesidente ka Kgoeletso mo Kaseteng.
<fn>tsn_Article_National Language Services_LEFAPHA LA TEMOTHUO (2004).txt</fn>
Tona ya Temothuo e ne, go ya ka karolo 22 ya Molao wa Polokego ya Nama, 2000 (Molao No. 40 wa 2000), ya dira melawana e e tlhagisitsweng mo Mametlelelong.
Kalafi ya matheriale o o senyegileng, jj.
a "Molao" o kaya Molao wa Polokego ya Nama, 2000 Molao No.
m "sere se se thibetsweng" se kaya sere se se kotsi jaaka se tshisintswe mo melawaneng ka fa tlase ga Molao wa Dijewa, Dikhosemetiki le Dibolayatwatsi, 1972 Molao No.
w "tlhokego ya mafelo a dijo ka fa tlase ga Molao wa Boitekanelo" e kaya ditlhokego tsa boitekanelo tsa kakaretso tsa mafelo a dijo le sepalangwa sa dijo, o o phasaladitsweng mo Kitsisong ya Mmuso ya No. 918 ya 30 Phukwi 1999 ka fa tlase ga Molao wa Boitekanelo, 1977 Molao No.
dinku tse thataro kana dipodi; kana iv dikolobe tse nne tse dinnye dikolobe tse di godiseditsweng dijo kana dikolobe tse pedi tsa sepeke kana kolobe ya soseije e le nngwe.
Pele botlhabelo bo tlhomiwa ditshwantsho tsa modiro wa kago e e tshisinngwang di tshwanetse go romelwa go motlhankedi mogolo wa porofense go sekasekiwa le go rebolwa.
a kopo e e tladitsweng sentle e e fitlhelwang go tswa motlhankeding mogolo wa porofense; le b sete e e feletseng ya ditshwantsho tsa modiro wa tshiamelo, fa e se kagego jaaka fa go tshisinngwa mo go 21 fa godimo.
b go e romela kwa atereseng ya poso ya mong; kana c go fekesa, ka imeile, kana ka mekgwa e mengwe ya ileketeroniki, kwa go mong yo, fa e le gore lokwalo lwa tshimologo lo gorositswe kwa go mong mo malatsing a le 7 a go romela kitsiso.
p ditshiamelo tsa go tsidifatsa go amogela bogolo matheriale wa tirego wa letsatsi di tshwanetse go tlamelwa mme bogaufi jwa ditshiamelo tse bo tshwanetse go nna bo bo jalo gore bo se itshokele maemo a boitekanelo mme a amogelege go motlhankedi mogolo wa porofensi; mme q foo ditshiamelo tsa go gatsetsa di sa tlamelelwang go lekolwa ga ditoto tse di fetileng tse dinnye kwa botlhabelong, ditshiamelo tse di jalo di tshwanetse go rulaganngwa gosele ka thebolelo ya motlhankedi mogolo wa porofensi.
go phepafadiwa le go opafadiwa ga sedirisiwa se se sutang; le z tshiamelo foo dikoloi tsa go rwala nama di tshwanetseng go phepafadiwa e tshwanetse go tlamelwa.
ff phitlhelelo kwa laboratoring e tshwanetse go kgonega; le gg tshiamelo foo dikoloi tsa go rwala nama di tshwanetseng go phepafadiwa e tshwanetse go tlamelwa.
k ditshiamelo tsa go ntsha go laola phufudi di tshwanetse go tlamelwa.
i e ka tsholwa ka go itekanela mo mafelong a kana ka sedirisiwa mo mafelong; mme ii e ka sirelediwa ka mokgwa o o gaisang o o leng teng kgatlhanong le tshenyego kana go senngwa ke matlhole, digase tse di tshwenyang, diphufudi, menkgo, mosi, dipeeletso tsa mosidi, lerole, bongola, ditshenekegi kana malwetse a mangwe kana ka tshenyego e nngwe ya sebele, khemikhale kana ya baoloji kana kgotlhelego.
Dikarolo tsotlhe mo lefelong di tshwanetse go dirwa gore di se nne le lerole le seretse.
Tshiamelo e tshwanetse go direlwa kgamolo ya metsi a a phunyegileng.
Botlhabelo bo tshwanetse go tlamelwa ka tsela ya kgamolo e e tswaletsweng go ka latlha tse di tshologang le meselomaswe.
Mafelo a dikoloi tse di pegang le tse di folosang a go romela le go amogela nama a tshwanetse go thibelelwa, go direlwa mokwakwa, go mina metsi le go direlwa marulelo.
n didirisiwa tsotlhe tse di pagameng lebota, dikagego le ditekanyetso di tshwanetse go nna le kgololo ya bogolo 50 mm go tloga leboteng.
b se tshwanetse go nna le sefatla se se borethe, se se sa dutleng le se se se nang mesima, manga le metsu mme se tshwanetse go phepafadiwa; le c se ntse se ka se senye nama ka ditugetsi.
ditshola tse di dirisiwang go tshola nama di tshwanetse go tsamaelana le molawana tlaleletso 1 mme fa matlhakore le botlase di agilwe ka diphatlha di tshwanetse go rulaganngwa gore nama e se tlhagelele ka diphatlha kana e kopane le bodilo.
Matloboithusetso le tsa meroto di tshwanetse go bewa mo kamoreng e e amologaneng ka botseno go tswa dikamoreng tsa go tšhentšha.
Matloboithusetso otlhe a tshwanetse go tlamelwa ka setshwara pampiri boithusetso, dijana tsa go tlhapela diatla, ditshela sesepa ka sesepa sa seeledi sa go bolaya megare le ditshiamelo tsa go omisa diatla.
Dikamore tsa go tšhentšha le matloboithusetso di ntse di ka se nne le phitlhelelo e e tlhamaletseng go tsena mo lefelong kana kamoreng foo nama e diriwang.
Badiri ba tshwanetse go tlamelwa ka bobolokelo diaparo tse mo go tsona go ka bolokiwang diaparo tsa poraefete ka kamologano go tswa diaparong tsa tshireletso, go tlhomamisa gore diaparo tsa poraefete le diaparo tsa tiro tse di phepa tsa go sireletsa ga di kopane.
Badiri ba tshwanetse go tlamelwa ka ditshiamelo tsa tshita ntsi tse mo go tsona ba ka bayang dijo.
b go emelana le kgogolego mme e kgona go opafatsa didirisiwa tsa diatla le sedirisiwa, jaaka disegi le disaga, kwa themphereitšheng ya 82°C ka nako ya go tlhaba; le c go nna le mosela, go tshologa le lesoba mme di tshwanetse go minolosetsa go ya fatshe go ralala peipi ka tlhamalalo go ya mo mokgweng wa kgamolo e e tswalegileng kana go ya mo kanaleng e e bulegileng, fela kgamolo e e jalo metsi a ntse a ka se elelele mo bodilong go ralala mafelo foo pharakano e diragalang.
Mokgwa ofe o mongwe wa opafatso o tshwanetse go rebolwa ke motlhankedi mogolo wa porofense.
e tlamelwa ka mosela, go tshologa le lesoba mme di tshwanetse go minolosetsa go ya fatshe go ralala peipi ka tlhamalalo go ya mo mokgweng wa kgamolo e e tswalegileng kana go ya mo kanaleng e e bulegileng, fela kgamolo e e jalo metsi a ntse a ka se elelele mo bodilong go ralala mafelo foo pharakano e diragalang; le f lekanyediwa ka setsholola sesepa sa seedi sa sebolaya megare mmogo le ditshiamelo tsa go omisa diatla, ntle le fa go omisiwa ga diatla go sa tlhokege mo lefelong foo sejana se beilweng.
Dikhaboto tsa go tlhatswetsa forosekota, tse di tlhokegang kwa tlase le kwa godimo ga botlhabelo jwa matheriale wa tirego, di tshwanetse go tsengwa gaufi le diteišene tsa tiro mme di agiwe gore di gase go tswa mo go tlhatsweng ga badiri diforosekota tsa bona fa ba di apere mme di tshwanetse go mina ka tlhamalalo go ya mokgweng wa kgamolo.
Metsi a tshwanetse go nna ka fa tlase ga kgatelelo, mme e dumalane bogolo go Class II go ya ka maemo a SANS 241 a go nwa metsi.
b metsi a a seng kwa tlase ga 40º C le go tlamelelwa ka dipeipi tsa metsi tsa go phepafatsa mafelo otlhe a botlhabelo; le.
c sebofa peipi go boloka dipeipi kgakala go tswa boalong ntle le fa dipeipi tse di ttsepameng di tlametswe.
Ditshola tse di thibelang bogodu le go dutla ka dikhurumelo tse di tshwarang mo go lekaneng, go tsamaisana le molawana 14, di tshwanetse go tlamelwa go tshola le go rwala matheriale o o senyegileng mme di tshwanetse go tshwaiwa sentle "DI SENYEGILE".
Ditshola di tshwanetse go tlamelwa go kgobokanya le go tshola matheriale o o sa jegeng go fitlha o latlhiwa.
Ditshiamelo go tsaya le go tshola madi pele ga go latlhiwa di tshwanetse go tlamelwa.
Ditshola tsa maswe di tshwanetse go tlamelelwa go rwalwa ga maswe ka kakaretso kwa dikarolong tse di farologaneng mo lefelong.
Mafelo koo ditshola tsa maswe kana dilatlhwa di tsholwang pele ga go tlosiwa a tshwanetse go se sutlhelele, a thibelege le go gamolega mme ditshola di tshwanetse go bo di tswalegile kana di tsentswe dikhurumelo tse di di tshwarang.
c a tshwanetse go nna kwa bogodimong bo bo tshwanang le jwa koloi e a e dirisediwang.
f a se nne le mathoko a a tlhagelelang a a bogale kana dibopego dife tse dingwe tse di ka bakang kgobalo; mme g a tshwanetse go nna le lesedi la maitirelo le le lekaneng fa diphologolo di folosiwa bosigo.
d di tshwanetse go nna le matlhakore a a seng kwa tlase ga 1.
l di tshwanetse go tlamelwa ka dikarolo tsa go tlhapelo, mathompo le ditshwaro; mme m di dirisiwe go tlhaola diphologolo tse di belaelwang mme mo tlaleletsong go tse di fa godimo di nne le mabota a a popota le kgoro mme di se gamole go kgabaganya masaka a mangwe kana go tlhagisa kotsi efe e nngwe ya kgotlelo.
b ditshola bojang bo bo swabileng di tshwanetse go nna di phuthologile go tswa mo bodilong; le c dijo di tshwanetse go bewa mo kamoreng ya bobolokelo e e thibelang ditshenekegi, e e tlameletsweng ka kgethologo lebaka le fa dijo di ya go bolokelwa mo lefelong.
b 0.75m² ya kolobe e e boima kana namane; le c 0.50m² ya kolobe e nnye, nku kana podi.
Dikutla di tshwanetse go tlamelwa ka dikitsiso tsa leruri tse di bontshang mothamo go ya ka mefutafuta ya lesaka lengwe le lengwe.
c e se nne nnye go na le 1.8 m bophara mo dikgomong, dipitse le bogolo 1.0 m bophara mo dinkung, dipodi le dikolobe; mme d e tshwanetse go tsholwa sentle le go bewa e lokologile mo dilong tse di phatlhaletseng.
Megotlha kana dipeiso di tshwanetse go tsholwa sentle le go dirwa gore di bo di gololosegile mo dilong tse di phatlhaletseng.
Di tshwanetse go agiwa go dira diapesa bodilo le dipeipi go nna di sa theledise.
Megotlha ya go thiba dikgomo magareng ga dikutla le lefelo la go idibatsa e tshwanetse go nna le bophara ka fa gare bo bo sa feteng 0.9 m.
Megotlha e tshwanetse go dirwa gore lesaka la go idibatsa le se bonale go tswa kwa mogotlheng kana dikutleng.
Karolo e ya mogotlha kana peiso e e isang ka tlhamalalo kwa lebokosong la go idibatsa e tshwanetse go nna le matlhakore a a tiileng.
c lesaka la go thibela kana lebokoso la go idibatsa di tshwanetse go tlamelelwa dikolobe tse dikgolo, tse di tonanyana tse di tshwenyang le dikolobe tse di namagadi; le d mokgwa ofe o mongwe wa go thibela o o dumeletsweng ke motlhankedi mogolo wa porofense.
b sedirisiwa sa motlakase sa kidibatso; kana c sedirisiwa sengwe le sengwe se sengwe sa kidibatso se se dumeletsweng ke motlhankedi mogolo wa bosetšhaba.
Boleng jwa go direla kidibatso bo tshwanetse go bontshiwa mo sedirisiweng sa kidibatso kana mo lifelong la kidibatso.
Sedirisiwa se tshwanetse go tlamelwa go tlama le go tsholetsa diphologolo tse di idibaditsweng mo maemong, go tswa madi.
Ditshiamelo tsa go kgobokanya le go boloka madi mo ditsholeng tse di tswalegileng pele ga go tlosa le go latlha di tshwanetse go tlamelwa.
a a go tswa madi ga dikgomo, go tloga thapong go ya bodilong mo lebakeng la kota e e gagabang ke 4.8 m mme thapo e e tsetsepetseng ke 4.4m; le b a nku e e tswang madi, go tloga thapong go ya bodilong ke 2.3 m.
a go baakanyetsa dikgomo, go tloga thapong go ya bodilong ke 3.4 m; le b go baakanyetsa dinku, go tloga thapong go ya bodilong ke 2.2m.
Go bonala magareng ga sedirisiwa le dithapo tsa go baakanya go tshwanetse mo mabakeng otlhe go nne gore dikgoropa ga di kgone sedirisiwa mme di bogolo 1000 mm go tloga maboteng.
Dithapo ka dikgwagetsi tse di tsetsepetseng kwa leboteng di tshwanetse go nna 400 mm go tloga leboteng, le nama e e kgwageditsweng go tswa dikgwagetsing tse di jalo di ka se kgome bodilo kana lebota.
Dithapo di tshwanetse go nna bogolo 700 mm go tloga dikholomong, dipilareng kana letlhakore la phatlha ya lebati e ka yona dikgoropa di tshwanetseng go feta.
Mafelo a a amologaneng a go ntshetsa madi le go baakanya a tshwanetse go tlamelwa mo botlhabelong fa go feta mefutafuta e le mengwe ya diphologolo e tlhabilwe ka nako e le nngwe.
Go karapa dikolobe, go tsenyelediwa go feleletsa le go tlhatswa kwa pele ga kgamolo, go ka dirwa fela mo lefelong la go karapa kolobe.
Ditshola, diraka le bodilo jwa lefelo le sedirisiwa se sengwe tse di tlhokegang go tlhatlhoba nama di tshwanetse go tlamelwa mo botlhabelong.
Ditshola tse di tshwailweng, tse di dutlang le tse di tswalelwang kana mekgwa e mengwe go dira le go tshola matheriale o o senyegileng le o o sa jegeng pele ga go tlosiwa, di tshwanetse go tlamelwa.
Ditsifatsi di tshwanetse go tlamelwa go tshola bogolo tlhabo ya letsatsi ya matheriale wa tirego.
a wa dikgomo le dipitse kana dinku kana dipodi mo ditshegetsing ka lore lwa katoloso la go lekanya, ke 1000 mm go tloga leboteng le 900 mm magareng ga dithapo tsa sekgoropa se se fa godimo; le b wa dinku, dipodi le dikolobe, fa di kgwageditswe ka kamologane, ke 330 mm go tloga leboteng le magareng ga dithapo tsa setoto tse di fa godimo.
Go neela sebaka sa diyuniti mo moleng go tshwanetse go nne ka mokgwa wa go tlhomamisa kelelo ya mowa magareng ga dikgoropa kana matlhakore ka minimamo wa 660 mm boleele jwa thapo go ya ka yuniti.
b go kgobokanya le dipalangwa, go efoga kelelo e e kgabaganyang kana e e kgatlhanong, ya dikgwagetsi tse di bofelelang kwa tshiamelong ya phepafatso; le c opafatso ya disaga le didirisiwa tse dingwe tsa go sega.
Mateng a mahibidu a tshwanetse go tlhatswiwa ka metsi a a phepa a a tsamayang, a kgwagediwe mo dikgwageng kana a bewe mo ditsholeng le go tsidifadiwa mo mateng a mahibidu kana setsidifatsing se se gatsetsang, go fitlhelela themphereitšha ya bogare e e kwa tlase ga 7o C mo teng ga diura tse 16, fela a tlhoka gore a se tsidifadiwe kwa botlhabelong fa a romelwa mo mokgweng o o tswelelang kwa ditshiamelong tse di tsidifatsang, bogaufi bo bo sa tshwanelang go tlogelela maemo a boitekanelo le go amogelwa ke motlhankedi mogolo wa porofensi le mo maemong a gore tsela e e amologaneng ya thomelo e tlametswe.
Mateng a mahibidu a se bolokiwe, kana a kopane le mateng a a magwata.
Kamologano e e yang pele, go sega le go paka mateng a mahibidu di tshwanetse go dirwa mo lefelong kana kamore e e amologaneng.
b ditshiamelo tsa polokelo ya dikgetse tse di phepa tse di se nang sepe kana ditshola, go dirisiwa letsatsi le le lengwe, di tshwanetse go tlamelwa; mme c ditshiamelo tsa polokelo ya bontsi di tshwanetse go tlamelelwa go paka matheriale.
Mateng a khatone a se bolokiwe mo setsidifatsing se se tshwanang le dikgoropa kana mateng a a seng mo khatoneng.
b tlhatswiwa ka metsi a a phepa a a tsamayang; le c kgwagetsa mo dikgwageng go tsidifatsa le go omisa pele le ka nako ya go tsidifatsa.
Sedirisiwa se tshwanetse go tlamelwa go gamola dijo tse di sa tlhafuniwang le mala mme dijo tse di sa tlhafuniwang le diteng tsa mala di tshwanetse go tlosiwa ka tswelelo.
Foo megodu e e tlhatswitsweng kana mala di pakiwang mo ditsholeng kana dikgetse tsa polaseteki go romelwa, go tsidifadiwa kana go gatsediwa, tshiamelo ya polokelo ya dikgetse tse di phepa kana ditshola, tsa go dirisediwa letsatsi, di tshwanetse go tlamelwa.
Mateng a a magwata a a jegang a tlhatswitswe a tshwanetse go bolokiwa mo setsidifatsing kwa thempereitšheng ya mowa e e sa feteng kwa tlase ga 2 o C, fela a se tsidifadiwe kwa botlhabelong fa a romelwa ka mokgwa o o tswelelang kwa ditshiamelong tse di tsidifatsang, bogaufi bo bo sa tshwanelang go tlogelela maemo a boitekanelo mme a dumelelwe ke motlhankedi mogolo wa porofensi.
Tirego mmogo le sedirisiwa tse di dirisitsweng go phepafatsa mateng di tshwanetse go dumelelwa ke motlhankedi mogolo wa porofensi.
Kamore e kgolo jalo le go rulaganngwa jalo gore boitekanelo jwa tiragalo bo tlhomamisiwe, bo tshwanetse gbo tlamelwe go phepafatsa megodu.
Ditshola tse di amologaneng di tshwanetse go dirisediwa megodu e e iseng e phepafadiwe, le e e phepafaditsweng.
Mateng a a phepafaditsweng a tshwanetse go tlosiwa morago ga go a phepafatsa.
a go tlosa boboa mo ditlhakwaneng tsa dikgomo le ditlhogo tsa dinku le maoto; le b go tlosa letlalo, go tlosa nama le go phatlola ditlhogo mmogo le go kopanya le go paka maboko.
a go ka dirwa fela mo kamoreng e e amologaneng kana lefelo le didirisiwa di tshwanetse go tlamelelwa tiro e; le b tshiamelo ya polokelo ya dikgetse tse di phepa kana ditshola, tsa go dirisediwa letsatsi, di tshwanetse go tlamelwa.
a go ka dirwa fela mo kamoreng e e amologaneng kana lefelo le didirisiwa di tshwanetse go tlamelelwa tiro e; le b tshiamelo ya polokelo ya dikgetse tse di phepa kana ditshola, tsa go dirisediwa letsatsi, di tshwanetse go tlamelwa.
Mateng a a phepafaditsweng le nama ya tlhogo e e phepa di tshwanetse go bolokiwa mo setsidifatsing kwa thempereitšheng ya mowa e e sa feteng kwa tlase ga 2 o C, fela di se tsidifadiwe kwa botlhabelong fa di romelwa ka mokgwa o o tswelelang kwa ditshiamelong tse di tsidifatsang, bogaufi bo bo sa tshwanelang go tlogelela maemo a boitekanelo mme di dumelelwe ke motlhankedi mogolo wa porofensi.
Ke dikgoropa kana nama e e tlhatlhobilweng le go fetisiwa e e ka tlhagisediwang go sega.
b tlhatlhobo ya nama e ne ya dirwa mo nameng e e jalo le gore e ne ya fetisiwa; le c) ketane e e tsididi e ne ya tshegediwa le gore themphereitšha ya nama ya bogare ke 7 (C kana kwa tlase.
Nama yotlhe e e tlhagiseditsweng go segiwa e tshwanetse go gololosega mo kgotlhelegong.
Ga go nama e e bontshang matshwao a tshenyego e e tla segiwang.
Motlhatlhobi yo o kwadisitsweng a ka re nako nngwe le nngwe a tlhoka pakete nngwe le nngwe ya nama go bulwa gape go tlhatlhobiwa, mme a ka laolela go tswalelwa ga setshola sengwe le sengwe se se jalo se se butsweng kana khatone ka nama.
Tlhagiso ya mola e e elelang e tshwanetse go latelwa ka go efoga kelelo e e kgabaganyang, go latela mola le go kgobokanyo kana pitlaganelo ya nama kwa kgatong efe ya tirego ya tlhagiso.
Go sega gotlhe, go sega ka dikarolwana kana go sila go tshwanetse go rulaganngwa gore boitekanelo jwa ditiragalo tsotlhe di tlhomamisitswe.
Marapo a a tswang mo ditsamaisong tsa go sega a tshwanetse go tlosiwa ka gale go ya kamoreng e e tshwanetseng kana setsholeng se se tlameletsweng ka tlhamalalo lebaka le.
Nama e e bonweng go tswa mo go segeng mme ya fitlhelwa e sa itekanela go jewa ke motho le phologolo e tshwanetse go kgobokanngwa mo ditsholeng tse di tshwailweng sentle kana disthiamelo le go tlosiwa go tswa lefelong go ya ka Karolo VIII.
c nama e e segilweng e tsidifaditswe, kana go gatsediwa go a simolola, mo ureng e le nngwe, le d tsamaiso e e dirwa go ya ka porotokolo e e rebotsweng ke motlhankedi mogolo wa porofense.
Matheriale o o phuthelang o ka tsholwa mo kamoreng e e segelang ka bokalokalo bo bo fetang tlhokego ya letsatsi, mme o tshwanetse go bolokelwa le go tsholwa go o tshegetsa mo maemong a a phepa go fitlha kwa nakong ya tiriso.
Nama e e bulegileng e se kgomane le dikhatone, ntle le fa dikhatone tse di bonota di dirisiwa.
Themphereitšha ya mowa ya kamore foo nama e segiwang le go pakiwa e tshwanetse go tsholwa kwa go kana kwa tlase ga 12 oC.
Ka nako ya go sega, go phuthela, go sega ka dikarolo le go paka nama e e sa gatsediwang ka themphereitšha ya bogare go tshwanetse go tsholwa kwa kana kwa tlase ga 7 oC.
Nama e e paketsweng go gatsediwa e tshwanetse go bewa mo segatsetsing mo ureng e le nngwe ya go pakiwa. Segatsetsi se tshwanetse go kgona go fokotsa themphereitšha ya nama go fitlha go le kwa tlase ga 12 oC mo diureng di le 24 mme e tshwanetse morago ga foo e tshegediwe kwa themphereitšheng e e kwa kana kwa tlase ga themphereitšha le nama e e gatsediwang e ka se romelweng kwa dithemphereitšheng tsa bogare tse di kwa godimo go na le kwa tlase ga 12 oC.
Tsamaiso ya go phepafatsa le opafatso ya didirisiwa tse di sutisiwang le tse dingwe di tshwanetse go tsamaisana le Karolo II C..
Go phepafatsa le go opafatsa seatla le didirisiwa tse dingwe go tshwanetse go dirwe ka nako ya diura tsa go dira.
Tirego e e tswelelang e tshwanetse go tsamaisana le ditlhokego tse di beilweng mo Ditlhokegong tsa Lefelo la Dijo ka fa tlase ga Molao wa Boitekanelo.
Go tsidifadiwa gotlhe, go gatsedisa le ditshiamelo tsa polokelo ya botsididi ya nama di tshwanetse go tsamaisana le ditlhokego tsa kago tsa botlhabelo tse di tshotsweng mo go Karolo II B.
Ditsidifatsi le digatsedisi di tshwanetse go tlamelwa ka dithemometara tsa tepatsatsi kana fa go tlhokiwang ke motlhankedi mogolo wa porofense, dikwala tsa themo tse di tswelelang, go neela temoso e e nepagetseng ya themphereitšhara ya mowa mo teng ga kamore.
Setsidifatsi se se dirisiwang go tsidifatsang ditoto tse di bothito, matlhakore, tse nne kana dikarolo di tshwanetse go kgona go tlamela go tsidifatsa go go sa kgaolediweng go fokotsa themphereitšha ya bogare ya nama go ya 7 oC pele ga go romelwa.
Nama, ditoto, dikarolo le mateng a a gatseditsweng di ka se tlosiwe go tswa segatsedising pele themphereitšha ya bogare ya kwa tlase ga 12 oC e fitlheletswe.
a Mekgwa ya go ntsha serame wa digatsedisi le ditsidifatsi e tshwanetse go thibela go agelela ga dikgapetla mo boalong jwa segare sa semoafatsi go ya maemong a a botlhokwa kwa tshegetsong ya themphereitšha.
b Foo setsidifatsi kana segatsedisi se se tshotseng nama ka nako ya tsheko ya go ntsha serame, go ntsha serame ga segare sa semoafatsi sengwe le sengwe se tshwanetse go felelediwa mo metsotsong e le 30.
c Dikgolagano tsa kgamolo ya saese e e lekaneng e tshwanetse go tlamelelwa go tswa dithereing tse di rothang tsa diyuniti tse di tsidifatsang mme di tshwanetse go isa kwa maemong a lefatshe ka fa ntle ga kamore kana ka tlhamalalo go ya mo mokgweng wa kgamolo.
d themphereitšha ya bofelo e e tlhokegang ya nama mo dikeriing tsa Celsius le nako ya minimamo wa paka ya nako, mo diureng, e e tlhokegang mo themphereitšheng go fitlhelelwa; mme e mo lebakeng la polokelo ya setsidifatsi kana segatsedisi, mokgwa wa boleng jwa themphereitšha ya makisimamo o o dumelesegang o kwa go ona namae ka tlhagisiwang.
Nama e tshwanetse go tsidifadiwa mo maemong a kgwagetso go tlhomamisa kgadikano ya mowa kana, fa e pakilwe mo ditsholeng, e tlhatlhaganngwe gore e tlhomamise go tlhomamisa kgadikano ya mowa.
Go se nne nama e e tlhatlhaganngwang ka tlhamalalo mo bodilong.
Ditoto tse di bothito di ka se tsenngwe mo setsidifatsing se se tshotseng nama e e tsidifaditsweng.
a Ga go sekgoropa kana nama e e sa itekanelang go jewa ke motho kana e ka nna le ditlamorago tsa botlhokwa mme nama e nngwe e ka bolokelwa mo setsidifatsing kana segatsedising se se tshotseng dikumo tse di jewang.
b Sekgoropa kana nama e tshwanetse go tlosiwa ka bonako fa e senyega go fitlha kwa maemong jaaka a a tlhomamisitsweng ke motlhatlhobi yo o kwadisitsweng.
Go se nne nama e e butsweng e e ka bolokelwang mo setsidifatsing kana segatsedising se se tshotseng dikumo tsa khatone.
Mateng a a magwata a ka bolokelwa mo segatsedising se se tsholang se se nang le ditoto, nama kana mateng a mahibidu, ntle le fa dikumo tsotlhe tse, go tsenyelediwa mateng a a magwata, a phuthetswe le go pakiwa.
Ga go selo se e seng sejo kana kumo go na le nama se se ka bolokelwang mo setsidifatsing kana segatsedising ntle le fa e le mo lebakeng la go tshola digatsedisi, foo thebolelo e abilweng ke motlhatlhobi yo o kwadisitsweng.
Tiriso ya dikgapetla jaaka setsidifatsi mo botlhabelong e ikaegile ka thebolelo ya mokgwa wa motlhankedi mogolo wa porofense.
Dikgapetla, tse di tsentsweng mo mokgweng ofe le ofe kana sedirisiwa, tse di dirisiwang go tsidifatsa nama di tshwanetse go dirwa go tswa metsing a a sutang.
Sedirisiwa kana ditsela tse di tsenngwang dikgapetla jaaka setsidifatsi sa nama se tshwanetse go rulaganngwa le go dirisiwa ka mokgwa o o jalo gore metsi a a gakologang mo dikgapetleng ga a ne a ama kumo ka tsela e e seng yona kana mafelo a a bapileng.
Didirisiwa tse di diriswang mo ditsidifatsing, digatsedising kana ditshiamelo tsa polokelo tse di tsididi, tse di ka kopanang ka tlhamalalo le nama di tshwanetse go tsholwa mo maemong a a phepa a a itekanetseng, mme tlamelo e tshwanetse e dirwe go phepafatsa le go opafatsa didirisiwa tse di jalo ka tlhamalalo morago ga tiriso.
Popego ya dikgapetla mo digatsedising e tshwanetse go thibelwa mme digatsedisi di tshwanetse go gaokolosiwa dikgapetla le go phepafadiwa kgapetsa jaaka go ka tlhokiwa ke motlhatlhobi yo o kwadisitsweng.
Digatsedisi le ditsidifatsi di tshwanetse go lokologa go tswa ditshenekeging, mouta le kgolo ya baketeria.
Ditsidifatsi, digatsedisi le ditshiamelo tsa polokelo e e tsididi di tshwanetse go lokologa go tswa menkgong e e ka monyiwang ke nama.
Ditsidifatsi mo tirisong ya ka gale di tshwanetse go phepafadiwa ka bonako morago ga go romela nama yotlhe.
Direkoto tsa taolo ya themo di tshwanetse go nna teng ka kopo ya motlhankedi mogolo wa porofense kana motlhankedi mogolo wa bosetšhaba.
Diteko di tshwanetse go dirwa go ya ka ditlhokego tsa Mokgwa wa Tsamaiso ya Boitekanelo mo tirisong.
Koloi e e dirisediwang go tsamaisa nama e tshwanetse go tsamisana le ditlhokego tse di beilweng mo Ditlhokegong tsa Mafelo a Dijo ka fa tlase ga Molao wa Boitekanelo.
Mateng a a magwata a se tsenngwe mo sebakeng se le sengwe sa go tsenya jaaka ditoto, dikarolo kana mateng a mahibidu, ntle le fa mateng a a magwata a tshotswe phepa, ditshola tse di thibelang metsi ka dikhurumelo tse di tswaletsweng ka tiisetso, di tsamaelana le ditlhaloso tsa didirisiwa jaaka di beilwe mo go Karolo Part II B1.
Ga go dikumo tsa khatone tse di tla tsenngwang mo lefelong le le lengwe la go tsenya jaaka nama e e bulegileng.
Ditoto tsa nama e khibidu e e tsidifatsang, matlhakore le a mane a tshwanetse go kgwaagediwa ntle le go kgoma lefatshe.
Ga go nama e e sa phuthelwang e e tla folosediwa ka tlhamalalo mo godimo ga bodilo.
Fa go tlhokiwang ke motlhankedi mogolo wa porofense, mokgweetsi wa koloi e e rwalang nama e tshwanetse go tlamela leina, aterese le dintlha tsa kgolagano tsa mong wa koloi.
Nama e e busediwang kwa botlhabelong kana tshiamelo ya polokelo ya botsididi e ka amogelwa fela morago ga tlhatlhobo gape ka motlhatlhobi yo o kwadisitsweng, mme e ka siamisiwa le go bolokela go jewa ke motho ka fa tlase ga maemo a a tlhomamisitsweng ke motlhatlhobi yo o kwadisitsweng.
Go rwalwa ga nama ke bagwebi ba ba seng ka fa molaong go tshwanetse go laolwe ke porotokolo e e rebotsweng ke motlhankedi mogolo wa porofense fela kwa ntle ga go tlogelela boitekanelo kana maemo a pabalesego.
c metsi kwa go 40°C kwa dijaneng tsa go tlhapa matsogo go tlhapa matsogo; le d metsi kwa go 40°C ka mabaka a go phepafatsa ka kakaretso.
Mong o tshwanetse go tlamela didirisiwa tsotlhe tse di tlhokelwang phepafatso.
Mananeo a phepafatso a tshwanetse go rebolwa ke motlhatlhobi yo o kwadisitsweng.
e ditlamorago, go tsenyelediwa tlhokomediso ya thutatshelo nnye, go bonwa jaaka maikaelelo a lenaneo la phepafatso; le f dtlhaloso tsa tiro le lenaneo la katiso go baphepafatsi botlhe.
b ya boikhutso; le c ya diphetogo tsa šifiti.
Phepafatso e tshwanetse go simolola ka bonako morago ga tlhagiso ya letsatsi kana šifiti e fedile, fela ga go phepafatso e e ka simololang mo lefelong lepe pele nama yotlhe e e jewang le dikumo tsa diphologolo di tlositswe go thibela kgotlhelo.
šifiti e ntšhwa e ka se simolole pele mafelo otlhe, dikamore le didirisiwa di phepefaditswe le go bolaya megare mme lenaneo la go tlhokomedisa pele ga tlhagiso le le nonofileng le tshwanetse go nna mo mannong go tlhomamisa bophepa jwa ditshiamelo tsotlhe pele tlhagiso e simolola.
Ditsidifatsi di tshwanetse go phepafadiwa pele morwalo wa nama e e foreše o tsenngwa.
Ditsidifatsi di se phepafadiwe fa di tshotse nama.
Digatsetsi di tshwanetse go ntshiwa dikgapetla le go phepafadiwa thata bogolo gangwe ka ngwaga kana kgapetsa fa go tlhokiwa ke motlhatlhobi o o kwadisitsweng.
d go tlamela diakhaonto tse di kwadilweng tsa ditshwetso tse di amanang le ditshwetso tse di siamisang fa di tsewa; le e go tlhatlhoba maemo a boitekanelo jwa botlhabelo ka mokgwa wa Tsela ya Tlhatlhobo ya Boitekanelo HAS le go tlamela dipoelo kwa motlhankeding mogolo wa porofensi go netefetsa kgapetsa jaaka a ka tlhokega.
b go kwalwa ga setlhopha sa tlhabo nngwe le nngwe se se tshotseng tshedimosetso malebana le letlha la tlhabo, mefuta e e tlhabiwang, bontsi, dipalo, temogo le bogorogelo jwa dikgoropa mmogo le nama e e segilweng; le c kumo e e kwadilweng ya kgakololo ya tsamaiso e e rebotsweng ke motlhankedi mogolo wa porofensi.
g botseno go ya dikamoreng tsotlhe, mafelong le meagong; le h melelwane, e e bontshang botseno le go tswa go ya le go tswa lefelong.
a dikgato tsotlhe tse di amegang mo tiregong, go tsenyelediwa tiego ka nako kana mo gare ga dikgato, go tswa kamogelong ya diphologolo go ya go beweng kumo ya bofelo mo mmarakeng; le b dntlha le data ya thekenikhale go tsenyelediwa kalo ya didirisiwa le dipharologantsho, tatelano ya dikgato, dikgala tsa thekenikhale tsa ditiragatso, kelelo ya dikumo, kgethololo ya mafelo a a phepa le a a leswe, tikologo ya boitekanelo jwa botlhabelo, ditsela tsa badiri le ditiragatso tsa boitekanelo, polokelo ya kumo le ditsamaiso tsa phatlalatso.
b phalolo e e sa amogelegeng kana katiso ya thuto ya malwetse a ditshedi dinnye ; le c tlhagiso e e sa amogelegeng kana go tswelela ga bolthole kana dikumo tse dingwe tse di sa eletsegeng tsa phetogopopo e nnye.
kgato e e tla tsewang malebana le nama e e dirilweng ka nako ya fa tirego e ne e le kwa ntle ga taolo; le iv gore rekoto e e kwadilweng ya dikgato tse di tserweng e tshwanetse go bewa.
lemoga diphologolo tse di nang le malwetse a a fetelelang kana malwetse a a laolwang ka fa tlase ga Molao wa Boitekanelo jwa Diphologolo, 2002 Molao No.
direkoto di tshwanetse go nna teng go tlhatlhobiwa ke motlhankedi mogolo wa bosetšhaba kana motlhankedi mogolo wa porofensi; le xiii motsamaisi wa boitekanelo o tshwanetse go bontsha ditekolo tsa taolo tsa letsatsi ka mokgwa wa tshaeno mo direkotong.
Batho botlhe ba ba tsenang mo botlhabelong go tsenyelediwa tsamaiso, baeng le badiri ba tshegetso ba tshwanetse go neelwa, ke mong, ka diaparo tse di maleba tse di sireletsang tse di phepa tse di tsamaelanang le molawana tlaleletso 59.
a itekanetse le go kgona ka sebele go dira jaaka modira ka nama; le b ga se morwadi wa, kana o lwala go tswa, bolwetseng bo bo tshelanwang.
direkoto tsa bongaka tse di maleba le ditlhatlhobo tsa bongaka le diteko tsa go itekanela ka letsatsi di tshwanetse go nna teng kwa motlhankeding mogolo wa porofensi kana motlhatlhobi yo o kwadisitsweng.
a ba tlhatlhobiwa ka letsatsi, pele ba simolola tiro, ka maemo a boitekanelo a a kotsi jaaka tlhagala e e phunyegileng, diso, ditshegako le dingapo tse di ka tlhagisang kotsi ya pabalesego ya dijo, mme batho ba ba amegileng jalo ba ka se dire ntle le fa maemo a sireleditswe ka sefaphi se se thibelang metsi se se tshwereng ka go tiisa gore kotsi ya kgotlhelego e thibelwe; le b ba ba neng ba lwala malatsi a le mararo kana go feta, ba tlhagisa disetefekeiti tsa dingaka go bontsha gore jaanong ba itekanetse go tshola dijo.
Diaparo tse di sireletsang di tshwanetse go nna le mmala o o botlhofo, di nne phepa, mo paakanyong e e siameng mme di tsenyeletse difutshe tsa pabalesego, dinnete tsa moriri, dinnete tsa ditedu, dikheipe tsa tlhogo le magetla, ditlhako tsa kambute tse di tshweu tse di tsamaelanang le ditlhokego tsa boitekanelo le diforosekota tse di thibelang metsi jaaka go tlhokiwa ke maemo a tiro.
Kwa tshimologong ya letsatsi la tiro lengwe le lengwe kana šifiti, mong o tshwanetse go tlamela badiri ka diaparo tse di sireletsang.
Mong o tshwanetse go tlhomamisa gore diaparo tsa tshireletso tse di phepa tse di jalo di bolokelwa le go tsholwa gore ga di dire kopano le diaparo tsa poraefete.
Diaparo tsa poraefete di tshwanetse go tsholwa mo lokhareng e e beetsweng lebaka leo fela.
Diaparo tsa tshireletso di tshwanetse go fetolwa le go phepafadiwa fa di kgotlhelwa ke selo se se seng monate kana di nna leswe.
Badiri mo mafelong a a phepa le a a leswe ba tshwanetse go apara diaparo tsa tshireletso tse di farologanyang, ka tatelano.
Diaparo tsa tshireletso di tshwanetse go akaretsa gotlhelele diaparo tsotlhe tsa sebele.
Badiri ba ka fetolela mo diaparong tsa tshireletso fela mo dikamoreng tsa go tšhentšhela tse di maleba mme dilo tsa diaparo tsa tshireletso mo mafelong a tiro a botlhabelo di ka bewa fela kana go kgwagediwa mo mafelong a a bidiwang ka dilo tse.
Badiri ba ka bo ba sa nne kana go robala mo mmung mo diaparong tsa tshireletso tsa bona ka nako ya go ikhutsa mme ba ntse ba ka se apare daparo tsa tshireletso ka kwa ntle ga lefelo.
Mong wa botlhabelo o tshwanetse go tlamela ditshiamelo tsa botlhatswetso kana a dirise tirelo ya botlhatswetso mme badiri ga ba a tshwanela go dumelelwa go isa diaparo tsa tshireletso kwa gae go tlhatswiwa.
Ditshego tsotlhe le dikgobalo tse dinnye di tshwanetse go apesiwa ka sefaphi se se thibelang metsi se se tiileng, ditlelafo tsa karo kana sesireletsa monwana sa rabara.
Badiri ba tshwanetse go bega kgobalo nngwe le nngwe ka bonako kwa go mong.
a go tlhapa ka pompo ya mmokodi pele ba simolola go ditiro; le b go tlhapa matsogo le mekgono ka sesepa sa sebolaya megare sa seedi le metsi a a elelang ka bonako morago fa a sena go kgotlhelega kana morago ga go dirisa ntloboithusetso kana fa o tsena mo lefelong la go direla.
Dibenyane, go tsenyelediwa dilo tsa setso, di se aparwe mo lefelong foo dikumo tse di jewang di tsholwang.
Dinala tsa diatla di tshwanetse go nna dikhutshwane, phepa le go gololosega mo go tshaseng manala ka pente.
Go ja, go nwa kana go dirisa kana go tshola motsoko ga go a leltlelalwa mo lefelong lengwe le lengwe fa nama e dirwang.
Diritibatsi, bojalwa kana sere sengwe le sengwe se se tagang se se tlisiwe mo karolong efe kana efe ya lefelo mme motho yo o jeleng diritibatsi a se dumelelwe go tsena karolo efe kana efe ya polante e e dirang ka nama.
Badiri ba ikgatolose mo ditirong tsa kgotlhelo dingwe le dingwe.
Badiri botlhe ba tshwanetse go katisiwa mo tsamaisong ya boitekanelo le merero ya boitekanelo jwa sebele ke mong, mme direkoto tsa katiso di bewe.
i nne le dikhutlo tse di bogale, dikhutlwana, ditswelantle kana mesima tse di ka gobatsang diphologolo; kana ii nne le dilo tse di ntseng di le esi tse di beilweng magareng ga diphologolo.
a 1.4 sq.
b 0.3 sq.
c 0.4 sq.
d 0.3 sq.
e 0.4 sq. m go ya ka kolobe e e beetsweng beikhone; le f 0.8 sq. m go ya ka mogolo wa kolobe e nngwe.
d diphologolo tse di tlhobaelang le tse di ntseng sentle; le e diphologolo tse di gobetseng kana di foufetse le tse di ntseng sentle.
Mong wa koloi o tshwanetse go tlhomamisa gore koloi e e dirisiwang go rwala diphologolo go ya botlhabelong e tsholwa mo maemong a a phepa a a itekanetseng.
Diphologolo tse di gorogang kwa botlhabelong di tshwanetse go folosiwa ka bonako ke badiri ba ba katisitsweng.
Diphologolo di tshwanetse go folosiwa ka mokgwa o o iketlileng go thibela tlhagatso, letshogo, bothata le kgobalo.
Ga go kgotlho ya motlakase mo dikolobeng le dinamaneng e e dumeletsweng.
Diphologolo di se kukiwe ka ditlhogo tsa tsona, boboa, letlalo, ditsebe, megatla, dinaka kana maoto mme diphologolo di se gapelediwe go tlola go tswa maemong a a farologaneng kana go ralala diphatla ka nako ya go folosiwa.
Diphologolo di tshwanetse go ikhutsa mo dikutleng pele ga tlhabo, fela fa motlhatlhobi yo o kwadisitsweng a kgotsofetse gore di ikhutsisitswe, di ka tlhabiwa mo letsatsing la go goroga fa e le gore di nnile le paka ya go ikhutsa e e seng kwa tlase ga ura e le 1.
Diphologolo tse di emetseng tlhabo di tshwanetse go tshwarwa mo dikutleng le masakeng.
Dikutla di tshwanetse go tlhatswiwa morago ga setlhopha sengwe le sengwe sa diphologolo se tlositswe.
Metsi a a phepa a go nowa a tshwanetse go nna teng ka dinako tsotlhe go nowa ke diphologolo tse di emetseng tlhabo.
Diphologolo di se tsholwe mo kutleng kana masakeng sebaka se se fetang diura tse 72, fela mo lebakeng la dinamane le dikolobe e se nne go feta diura tse 48.
b ka dijo tse di lekaneng tse di maleba mo letsatsing lengwe le lengwe; le c kalafi ya bongaka jwa diphologolo jaaka go tlhokega.
Dipodi tsa Judas tse di boletsweng fa godimo ga di a tshwanela go dumelelwa go tsala mme bogolo go tshwanetse go dirisiwe diphorogotlho.
Diphologolo tse di bewang mo dikutleng le masakeng sebaka se se fetang diura tse 24 go bona megodu kana sebaka se se fetang diura tse 48 tsa diotli, di tshwanetse go fepiwa.
Dikolobe tse di sa kgwisiwang le dinamane tse di ka fa tlase ga bogolo jwa dikgwedi tse tharo le dikonyana tse di sa kgwisiwang ka fa tlase ga dikgwedi tse pedi tse di emetseng go tlhabiwa sebaka sa diura tse 12 kana go feta, di tshwanetse go fepiwa ka mabele mo lebakeng la dikolobe, le ka maši kana seemela maši mo lebakeng la dinamane, dikonyana le bana ka go tlhaloganya gore maši a a jalo a tshwanetse go fepiwa ka lebotlolo kana mokgwa o mongwe o o maleba mo diphologolong tse di jalo.
Fa diphologolo di fepiwang mo kutleng kana lesakeng, dijo di ka bewa fela mo rakeng ya leswabi la bojang, kiripi kana setshola se sengwe se se maleba.
d diphologolo tse di tlhobaelang le tse di ntseng sentle; le e dikgomo tse di nang le dinaka tse dileele le tse dikutshwane.
Diphologolo tse di tsetseng mo dikoloing kana mo dikutleng di tshwanetse go tsholwa mo masakeng di le esi le bana ba tsona go emetswe tshwetso ya moalafadiruiwa e e tla amang go tlosa bana mo botlhabelong kana go ba nyeletsa, go ikaegilwe ka maemo a tswalelo, le ka go tlhaloganya gore diphologolo tse di tsetseng di se bolawe mo malatsing a le mararo.
Diphologolo tse di mo dikutleng, le mo masakeng, mogogorong le megotlheng di tshwanetse go tsholwa ka tsela e e edileng le ya setho, ntle le go di betas kana go di goeletsa.
Ditsibosi di tshwanetse go bo di dirisa beteri mme di se dirisiwe fa diphologolo di setse di tsamaela kwa pele.
Diphologolo tse di gobetseng ka nako ya go rwalwa, go folosa kana go isa dikutleng di tshwanetse go tlhabiwa ntle le tiego go thibela go sotlega go ya pele ga phologolo.
Diphologolo tse di gobetseng di sa kgone go tsamaya di tshwanetse go thuntsiwa le go tswela madi fa di leng teng, mo koloing kana mo kutleng le go rwalelwa kwa lifelong la botlhabelo la tshoganyetso.
Diphologolo tse di belaelwang di lwala go tswa maemong a a ka dirang gore nama e se babalesega go jewa ke batho le diphologolo di tshwanetse go faphelwa mo lefelong le le amologaneng mme lesaka la mogotlha le tshwanetse go tlamelelwa tlhatlhobo go ya pele ka motlhatlhobi yo o kwadisitsweng, yo e leng moalafadiruiwa, go neela thebolelo pele ga tlhabo.
Kwa botlhabelong diphologolo di tshwanetse go dirwa gore di idibale ka mokgwa wa kidibatso o o kailweng mo molawaneng 73, pele go dirwa tshego ya go ntsha madi.
ditheminale di tshwanetse go dirisiwa kwa tlhogong ya phologolo ka tsela ya gore moela o fete go ralala boboko; le iii tlamelo e tshwanetse go direlwa dimetara go tlhokomela nako, selekanyabolota le maatla a motlakase tse di dirisitsweng ka nako ya kidibatso go tlhomamisa gore dikatlanegiso tsa badiri di a latelwa; kana c mokgwa ofe o mongwe o o rebotsweng ke motlhankedi mogolo wa porofensi.
Kelo ya go idibatsa e tshwanetse go laolwa le go tlhomamisiwa ke kelo ya go tswa madi le go baakanya.
a mo maemong a a lepeletseng; kana b mo maemong a thapamo, fa e le gore phologolo e tlisiwa mo maemong a go lepelela ka bonako morago ga tshego ya go ntsha madi e dirilwe.
Phologolo e tshwanetse go ntshiwa madi ka go sega setlisamadi sa molala le seisamadi sa molala mo matlhakoreng ka bobedi a molala go dirisiwa thipa e e bogale kana, mo lebakeng la dikolobe le dikgomo, ka go kgarameletsa le go kgaola vena cava ya kwa pele kana aotha kwa moding wa pelo.
Thipa e e amologaneng e e phepa le go opafadiwa e tshwanetse go dirisiwa go ntsha madi a phologolo.
Diphologolo di ka baakanngwa fela morago ga go ntshiwa madi metsotso e le robedi mo dikgomong le dipitseng mme mesotso e le merataro mo dinamaneng, dikolobeng le dinkung.
b go tlosa matsele a a ntshang maši, go feletse le letlalo mo godimo, go tlogela boalo jwa lengamu mo matlhakoreng otlhe a feletse mo sekgoropeng le go efoga tshologo ya maši mo karolong nngwe le nngwe ya setoto; le c go bula mela ya mosego mo letlalong kana nameng ka thipa ya letsogo e e opafetseng e e phepa go tswa ka fa gare go ya ka fa ntle fela mesego ya lerumo, fela thipa ya go bua ya mekhenikhale e ka dirisediwa lebaka le.
Dithwe tsa tsalo le karolo nngwe le nngwe e e sa dirisiweng go ya ka khomese e tshwanetse go tsholwa jaaka matheriale o o senyegileng le go bewa mo ditsholeng tse di maleba.
Didirisiwa tsotlhe tsa go bua le go gamola tse di golaganang le nama di tshwanetse go opafadiwa morago ga tiriso mo sekgoropeng sengwe le sngwe.
Ka nako ya go bua le kgamolo ya setoto, kgolagano ya nama e e bulegileng le dipolatefomo, mabota, bodilo, boalo bo bo ka fa ntle jwa nama kana letlalo le sedirisiwa se se kgotlhelegileng kana matheriale o mongwe di tshwanetse go efogiwa ka dinako tsotlhe.
Go babola, go fala le go tlhatswetsa kgamolo ya pele ya dikolobe go tshwanetse go fediwe mo lefelong la go tlosa boboa pele go iwa kwa lefelong la kgamolo.
Kgotlhelego ya sekgoropa, nama kana sethwe se na le diteng tsa mala kana mogodu, moroto, gala kana maši ka nako ya kgamolo e tshwanetse go thibelwa mme fa kgotlhelego e diragalang, e tshwanetse go segiwa ka fa tlase ga tlhokomelo ya motlhatlhobi yo o kwadisitsweng mme e se tlhatswiwe ka metsi.
Dithwe tsotlhe le mateng di tshwanetse go dirwa gore di nne teng mo tlhatlhobong ya nama mme di tshwanetse go lemotshega ka sekgoropa sa tlhago.
Ditoto di se phepafadiwe, di phimolwe kana go omisiwa ka boraše, lesela kana tiro e efe e nngwe e e jalo.
Mala a se kgaoganngwe le mogodu kana tsa mo mpeng ka nako ya kgamolo.
Mogodu kana mpa, mala, popelo, ditlha tsa moroto le gala di se bulwe mo lefelong la botlhabelo, mme setlha sa gala se tlosiwe se feletse mo kamoreng ya paakanyo kana lefelo morago ga tlhatlhobo ya nama le thebolelo ya dibete.
Ditoto tsa dikgomo kana dipitse tse di fetang bogolo jwa dikgwedi tse tharo le dikolobe tse di boimanyana go feta 92 kg di tshwanetse go kgaoganngwa ka tsela ya boleele go ralala kholomo ya mokokotlo pele ga tlhatlhobo ya nama.
Setoto se ka tlhatswiwa ka metsi a a elelang ka fa tlase ga kgatelelo e e fa gare go tlosa ditšhipisi tsa lerapo go tswa lerapong la kgara le le kgaoganeng le mokokotlo le go tlhatswa madi morago ga go fetsa tlhatlhobo ya nama.
Go se nne motho yo o ka tshasang setoto sepe, nama kana kumo ya phologolo, sebolayamegare sengwe kana sere sa go bolaya baketeria, kana sere sengwe se se ikaeletsweng go nganga tshenyego ya setoto, nama kana kumo ya phologolo ka go thibela ditiro tsa ditshenekegi, kana ka go thibela tsweletso ya baketeria kana meuta, kana ka lebaka lefe kana lefe le lengwe. Fa e le gore se ga se dire kwa sereng se se dumalanang le ditlhokego tsa Molao wa Dijo, Dikhosemethiki le Dibolayamegare, 1972 Molao No. 54 wa 1972 mme o rebotswe go ya ka porotokolo ke motlhankedi mogolo wa porofensi.
Sekgoropa se se rebotsweng ke motlhatlhobi yo o kwadisitsweng se ka ntshiwa ka bone mo botlhabelong pele kana morago ga go tsidifatsa, fela go segela pele go tshwanetse go dirwe mo kamoreng ya go sega.
b botlhabelong jwa matheriale wa tirego e e kwa tlase le kwa godimo, o tshwanetse bogolo e nne motlhatlhobi wa nama.
d maemo a boitekanelo a leruma go tsenyelediwa kelo ya loso; le e ditlhare, fa di newa mmogo le dipaka tsa kgogelo morago le matlha.
Phologolo e tshwanetse go tlhatlhobiwa mo letsatsing la kgorogo kwa botlhabelong, mme tlhatlhobo e tshwanetse go boelediwa mo letsatsing la tlhabo fa tlhabo e sa dirwa mo diureng tse 24 tsa kgorogo.
Go tshwanetse go nne le tsamaiso ya maemo kwa botlhabelong go tsamaisa tshedimosetso e e bonwang mo dikutleng go ya kwa batlhatlhobing ba ba kwadisitsweng mo lefelong la tlhatlhobo la nama, le mokgwa wa go tshwaya diphologolo tse di rileng go tlhokomelwa ke motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go bo o siame.
Diphologolo tsotlhe tse mo kakanyong ya motlhatlhobi yo o kwadisitsweng, yo e seng moalafadiruiwa, a dira tlhatlhobo ya pele ga loso jaaka e tlhalosiwa mo molawaneng 79, di sa itekanelang go tlhabiwa di tshwanetse go sekasekiwa ke moalafadiruiwa yo e leng motlhatlhobi yo o kwadisitsweng.
Fa moalafadiruiwa a swetsa gore phologolo e e boletsweng mo molawaneng tlaleletso 1a e ka tlhabiwa kana ka tumalano ya tlhabiwa, sekgoropa sa phologolo e e jalo se ya le tlhatlhobo ya morago ya nama go ya ka molawana 107.
c e kgotlhetse; kana d jelwe ke yona.
Ga go motho yo o tla tlhabang phologolo e e mo maemong a go belega kana e e belegeng mo kgabaganyong kana kutleng.
Diphologolo tsotlhe tse di "suleng mo kgorogong" le "tse di suleng mo lesakeng" di tshwanetse go latlhiwa jaaka matheriale o o senyegileng go ya ka Karolo VIII.
Pele ga go bua kana go segela go latlhiwa kana tlhatlhobo ya dphologolo tse di jalo, tshaso ya madi go tlhobosa kgonego ya Lebete e a tlhokega.
Ga go phologolo e e suleng kana e e swang e e ka tlisiwang mo lefelong la botlhabelo, ntle le fa e le karolo ya thomelelo ya diphologolo tse di itekanetseng, kana e ka tlosiwa go tswa lefelong la botlhabelo.
Ga go setoto kana karolo ya sona e e sentsweng e e ka tlisiwang mo karolong nngwe le nngwe ya botlhabelo e e tshotseng dikumo tse di jewang.
Ke boitlhophelo jwa mong go nna le tlhatlhobo ya morago ga loso go dirwa ntle le fa e tlhokiwa ke motlhatlhobi yo o kwadisitsweng kana fa bolwetse bo bo laolwang ka fa tlase ga Molao wa Boitekanelo jwa Phologolo, 2002 Molao No. 7 wa 2002, bo belaelwa mo lebakeng le moalafa phologolo wa naga o tshwanetse go itsisiwe.
Lefelo le mokgwa wa go bua diphologolo tse di suleng ka mabaka a go bona gape matlalo di tshwanetse go dirwa go ya ka porotokolo e e rebotsweng ke motlhankedi mogolo wa porofense.
Diphologolo tsotlhe tse di lwalang go tswa bolwetseng bo bo laolegang bo bo tshisinngwang mo Molaong wa Boitekanelo jwa Phologolo, 2002 (Molao No.7 wa 2002), di tshwanetse go isiwa kwa botlhabelong ka fa tlase ga tetla ya "sefapaano se se hibidu" e e ntshiwang ke moalafadiruiwa wa naga kwa polaseng le kgorogo ya thomelelo kwa botlhabelong di tshwanetse go tlhomamisiwa kwa moalafadiruiwang wa naga o o jalo.
Fa phologolo e lwala go tswa kana e belaelwa go lwala go tswa bolwetseng bo bo laolegang bo bo tshisinngwang mo Molaong wa Boitekanelo jwa Phologolo, 2002 Molao No.7 wa 2002, kana fa phologolo nngwe le nngwe e bone diteko tse di siameng mo polaseng ka letshoroma la pholotso kana bolwetse jwa mafatlha mme e na le letshwao kgwebo la C kana T, mme ga e a felegediwa ke tetla ya "sefapaano se se hibidu", moalafadiruiwa wa naga wa Bokaedi jwa Porofense: Ditirelo tsa Kalafadiruiwa, yo mo lefelong la gagwe botlhabelo bo beilweng, o tshwanetse go itsisiwe ka bonako.
Mo lebakeng la botlhabelo bo tlhomamisiwa lefelo le le ileditsweng kana le le thibeletsweng ka fa tlase ga Molao wa Boitekanelo wa Diphologolo, 2002 Molao No.7 wa 2002, motlhankedi mogolo wa porofensi a ka laela mong go tlhaba phologolo ka fa tlase ga maemo a a beilweng ke motlhankedi yoo.
Dikoloi tse di rwalang diphologolo tse di lwalang go tswa bolwetseng bo bo laolegang di tshwanetse go tlhatswiwa le go bolawa megare jaaka go tlhomamisiwa ke moalafadiruiwa wa naga pele di tswa lefelong la botlhabelo.
Motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go itlwaetsa dikaedi tsotlhe tse di tswelelang tse di ntshitsweng ke motlhankedi mogolo wa bosetšhaba malebana le ditlhatlhobo tsa pele ga loso.
Motlhankedi mogolo wa porofensi a ka tlhomamisa palo ya batlhatlhobi ba nama kana basekaseki ba nama ba ba tlhokegang mo botlhabelong morago ga go sekaseka thulaganyo ya botlhabelo, palo ya diteišene tsa tlhatlhobo, mola wa lebelo, mefuta e e farologaneng, dintlha tsa kago le tsamaiso.
Ga go setoto, karolo ya sona, mateng a a magwata kana a mahibidu a a ka rekisiwang kana go romelwa go tswa botlhabelong ntle le fa di tlhatlhobilwe le go rebolwa ke motlhatlhobi yo o kwadistweng le go tshwaiwa ka letshwao "REBOTSWE", jaaka go tshisinngwa mo go Karolo VII.
Tshedimosetso yotlhe e e maleba, go tsenyelediwa direkoto tsa pele ga loso le tsa boitekanelo, e tshwanetse go lebelelwa fa go dirwa tlhatlhobo ya nama.
Motho a se tlose, a sege kana a ntshe lerapo la setoto sepe kana nama pele ga tlhatlhobo.
Motho a se tlose letshwao lepe kana bopaki jwa bolwetse bope, maemo, tshenyego kana kgotlhelo ka go tlhatswa, go sega kana mokgwa ofe o mongwe pele ga tlhatlhobo ya nama, ntle le fa go dirwa ka fa tlase ga tlhokomelo ya motlhatlhobi yo o kwadisitsweng.
Go se tlosiwe dikgeleswa dipe pele ga tlhatlhobo ya nama.
Ditlhogo, maoto, mateng a a magwata le a mahibidu di tshwanetse go lemogiwa ka setoto sa tlhago go fitlha tlhatlhobo e dirilwe.
Setoto sengwe le sengwe, nama kana dikgamolo tse, mo kakanyong ya motlhatlhobi yo o kwadisitsweng, ga di a lekanela go jewa ke motho kana phologolo mme di tshwanetse go tshwarelwa tlhatlhobo ya bobedi.
Motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go itlwaetsa dikaelo tsotlhe tse di tswelelang tse di ntshitsweng ke motlhankedi mogolo wa bosetšhaba malebana le ditlhatlhobo tsa ntlha tsa nama.
k go sa tlwaelegang gongwe ga mesifa, marapo, menape, ditokololo kana ditogwa tse dingwe; le l bogolo le bong jwa phologolo go tswa kwa e ntshitsweng.
d karolo ya mosifa ya letswalo, ka go dira mesego e mebedi e e ka lekanang 25 mm ka go katologana le go tlosa llaga ya mala go tlhagisa mosifa; le e diphilo, ka tlhagiso kana mesego fa go tlhokega le Lnn. renalis.
b boalo jwa molala, ka tshwaro; le c Mesifa e e amanang e letsogo, ka go dira mosego o o boteng o o tshekaganyang o le mongwe go ralala karolo ya go tswa bogareng.
Lerapo la kgara, dikgopo, mokokotlo le mokolela di tshwanetse go tlhatlhobiwa mo dikgoropeng tse di kgaogantsweng.
a metlhagare, mo marapong gaufi le tsebe, le kwa morago mo phatlheng magareng ga molomo le nko, ka mesego ya bontsi; le b mesifa ya go tlhafuna ya kwa ntle M.ditlhafuni, ka go dira mesego ya mola e e boteng e mebedi go bapa le meno a tlase, le ditlhafune tsa ka fa garetirego magareng ga lerapo le legata, ka go dira mosego wa mola o o boteng o le mongwe.
Motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go lemoga le go tshwara leleme.
Motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go lemoga letlalo kana boalo jwa ka fa ntle jwa ditlhogo tse di se nang maseke, dipounama, marinini, magalapa a a tiileng le a a boletsa, matlho le dinko.
Dikodu di tshwanetse go tlosiwa morago ga tlhatlhobo jaaka karolo ya tirego ya go tlhaba le go senyega.
Maoto a tshwanetse go tlhatlhobiwa ka temogo.
l matlhakore ka bobedi a letswalo, ka temogo; le m bopele, ka temogo.
c mogodu le malokololo a limfi ya mesentereki mogodu, mesentereki, e e amanang le legata le mogatla, ka temogo le, fa go tlhokega mesego ya bontsi.
k go sa tlwaelegang gongwe le gongwe ga mesifa, marapo, menape, ditokololo, kana ditogwa tse dingwe; le l bogolo le bong jwa phologolo go tswa mo e tserweng.
d diphilo, ka tlhagiso, temogo le tshwaro le karolo ya diphilo, ka tshwaro; le e karolo ya mesifa ya letswalo ka tlhatlhobo ya pono.
Motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go tlhatlhoba ka matlho tlhogo mme fa go tlhokega, a tlhatlhobe mogolo, molomo, leleme le metlhagare, mo marapong gaufi le tsebe, le kwa morago mo phatlheng magareng ga molomo le nko, go dirwa mesego jaaka go tlhokega.
Maoto a tshwanetse go tlhatlhobiwa ka temogo.
h matlhakore a mabedi a letswalo, ka temogo; le i bopele, ka temogo.
b fa go tlhokega, boalo bo bo ka fa gare jwa mogodu le mala, fela tlhatlhobo e e ka diragala fela mo kamoreng ya mateng a a magwata kana lefelo la go tshwara ka sedirisiwa se se kgaoganeng; le c mogodu le malokololo a limfi a mesentereki mogodu, mesentereki, e e amanang le legata le mogatla, ka temogo le, fa go tlhokega mesego ya bontsi.
k go sa tlwaelegang gongwe le gongwe ga mesifa, marapo, menape, ditokololo, kana ditogwa tse dingwe; le l bogolo le bong jwa phologolo go tswa mo e tserweng.
d karolo ya mesifa ya letswalo, ka go dira mesego e mebedi e e ka lekanang 25 mm go atlhologana le go tlosa llaga ya lerakgwafo go tlhagisa mosifa; le e diphilo, ka tlhagiso kana mesego fa go tlhokega le karolo ya diphilo ka mesego fa go tlhokega.
f Mogatla mme fa matshwao mangwe a go swa ga ditogwa ka ntlha ya go lomiwa ga mogatla go lemogiwa, sekgoropa se tshwanetse go kgaoganngwa mme mokokotlo o sekasekiwe.
a lera la lethakgwafo, ka temogo; le b Mesifa ya matsogo, ka go dira mosego o o tshekaganyang o le mongwe o o boteng ka karolo ya bofelo ya mosifa. Mo lebakeng la dikolobe tse di bokete jo bo magareng ga 54 kg le 92 kg mesego e, e ka tlogelwa fa e le gore pelo e tlhatlhobilwe mme ga go malwetse a tlholego a a fitlhetsweng golo gongwe mo sekgoropeng.
Fa setoto se se kgaogantsweng, lerapo la kgara, dikgopo, mokokotlo le mokolela di tshwanetse go tlhatlhobiwa.
a metlhagare, mo marapong gaufi le tsebe, ka mesego ya bontsi; le b dimasetere tsa kwa ntle M. masetere, ka go dira mesego ya mela e e bapileng e e boteng go ya metlhagareng le dimasetere tsa ka fa teng M. pterygoideus medialis ka go dira mosego wa mola o le mongwe o o boteng.
Motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go lebelela leleme, letlalo, dipounama, marinini, magalapa a a thata le a a boleta, matlho le dinko.
k matlhakore ka bobedi a letswalo, ka temogo; le l bopele, ka temogo.
b fa go tlhokega, boalo bo bo ka fa gare jwa mogodu le mala, fela tlhatlhobo e e ka diragala fela mo kamoreng ya mateng a a magwata kana lefelo la go tshwara ka sedirisiwa se se kgaoganeng; le c mogodu le malokololo a limfi a mesentereki mogodu, mesentereki, e e amanang le legata le mogatla, ka temogo le, fa go tlhokega ka mesego ya bontsi.
b karolo e e kwa tlase ya mmele le matlhakore, le sebelikase ka mesego ya bontsi; le c diphilo, ka tlhagiso kana mesego fa go tlhokega le karolo ya diphilo ka mesego fa go tlhokega.
a lera la lethakgwafo, ka temogo; le b boalo jwa popelo, ka kutlwelelo.
Dikgoropa di tshwanetse go kgaoganngwa morago lerapo la kgara, dikgopo, mokokotlo mme mokolela o tshwanetse go tlhatlhobiwa.
b utlwelele leleme; le c go lebelela letlalo, dipounama, marinini, magalapa a a thata le a a boleta, matlho le dinko.
Maoto a tshwanetse go tlhatlhobiwa ka temogo.
h matlhakore ka bobedi a letswalo, ka temogo; le i bopele, ka temogo.
a lera la mogodu, ka temogo; le b boalo bo bo kwa ntle jwa mogodu le mala mmogo le dikarolo tsa mogodu, ka temogo.
Setoto, tlhogo le mateng a mahibidu a a fitlhetsweng a na le botlhole ka dikgato tsa parasiti tse di fetang bongwe kana go feta tsa kgabaganyo, tse di ka bong di tshela kana di tiisitswe, di tshwanetse go tshwarwa le mo moteteselong le dikolobeng, mesego e mebedi ya tlaleletso e tshwanetse go dirwa go nngwe le nngwe ya M. triceps brachii, go bapa le bogaufi le mesego ya tshimologo.
Fa e le nngwe kana go feta ya dikgato tsa parasiti tsa kgabaganyo di fitlhelwa ka bontsi jwa boalo jwa mesego sekgoropa se tshwanetse go senngwa.
Fa botlhole bo seng bontsi setoto le dithwe di ka rebolwa ka maemo a gore se ya kalafing jaka go tlhalosiwa fa tlase.
Setoto se se rebolwang ka mabaka se tshwanetse go lemogiwa ka go tshwaiwa ka se se dikologang ka enke e khibidu go bapa le letlhakore le le feletseng ka tlhaka "M", e le minimamo wa 2cm ka bogodimo.
Dikarolo tsotlhe tse e leng tsa sekgoropa go alafiwa, di tshwanetse go lemogiwa ka sekgwage sa "M".
themphereitšha ya nama ka fa gare ga setshola e tshwanetse go nna ka fa tlase ga 6 ºC pele e ka lokololwa ke motlhatlhobi yo o kwadisitsweng.
e mo dikarolong mo segatsetsing sa mofuta wa lebokoso go ya ka porotokolo e e rebotsweng ke motlhankedi mogolo wa porofense.
Dikgato tsa parasiti tsa kgabaganyo di tshwanetse go tlosiwa mo nameng ya setoto e e rebotsweng ka mabaka le go tlhokomelwa jaaka go tlhalositswe fa godimo.
Direkoto tsa themphereitšha ya tshimologo le ditlhopha tsa ditshola, dikgoropa le dithwe tse di tlhagisiweng go tsidifatsa di tshwanetse go tsholwa ke mong wa botlhabelo dikgwedi di le thataro bogolo, mme di nne teng ka mabaka a go tlhatlhobiwa.
Dikgoropa tse di belaelwang tse di fitlhelwang ka nako ya ditlhatlhobo tsa nama go ya ka karolo tlaleletso B, di tshwanetse go tshwaiwa " tshwerwe" mme di dirwe tlhatlhobo ya nama ya bobedi ke motlhatlhobi yo o kwadisitsweng yo e leng moalafadiruiwa.
e katlholo le tshegetso ya seo fa go kgonega.
c rebolwa ka bontlha ka go tlosa karolo e e senyegileng; kana d senyega gotlhelele.
Kwa sekgoropa se sa rebolwang, mong a ka kopa setefekeiti se se kwadilweng.
b malokololo a limfo otlhe a a bonalang morago ga fa sekgoropa se setse se kgaogantswe le go sekaseka, go lokolola legetla go bula asethabulamo go tswa ntlheng ya bogare go bona ditogwa tsa go golaganya tse di tlhagisitsweng, mafura, malokololo a limfi le boalo jwa lelokololo; le c maemo a mesifa le monkgo o o sa tlwaelegang le mmala wa sekgoropa.
fa go tsewa go le botlhokwa ke moalafadiruiwa, sekgoropa kana nama e tshwanetse go isiwa tshekatshekong ya laboratori gore go tsewe tshwetso ya bofelo.
Dipoelo tsa tshekatsheko ya pele ga loso, tlhatlhobo ya nama ya ntlha le tlhatlhobo ya nama ya bobedi di tshwanetse go kwalwa, mme fa malwetse a karolo le a a laolwang a a tshisinngwang mo Molaong wa Malwetse a Diphologolo, 1984 (Molao No. 35 wa 1984). a lemogiwa, moalafadiruiwa wa selegae wa naga o tshwanetse go itsisiwe mo letsatsing la tlhabo.
Motlhatlhobi yo e leng moalafadiruiwa o tshwanetse go itlwaetsa dikaelo tsotlhe go ya pele tse di ntshiwang ke motlhankedi mogolo wa bosetšhaba malebana le ditlhatlhobo tsa nama tsa bobedi.
a batho ba ba nang le borutegi jwa bayo saense e e maleba jaaka go rebotswe ke motlhankedi mogolo wa bosetšhaba; le b fa go tlhokiwa ke motlhankedi mogolo wa bosetšhaba, setefekeiti sa Basekaseki ba Nama e Khibidu se se rebolwang ke motlhankedi mogolo wa bosetšhaba le go atlanegisiwa ke Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa SAQA.
Batho ba ba tshisinngwang mo go karolo11(l)(c) ya Molao o o eletsang go tlamela ditirelo tsa tlhatlhobo ya nama ba tshwanetse go kwadisa le motlhankedi mogolo wa porofense gore ba dire ditirelo tse kwa botlhabelong bo bo totobaditsweng.
Ditempe tsotlhe kana matshwao a dikologang a a dirisiwang go tshwaya sekgoropa kana nama a tshwanetse go dirwa ka matheriale o o seng botlhole, o o sa jeng mme a dirwe ka tsela e e leng gore a tla nna a le phepa ka gale.
a palo ya kwadiso ya botlhabelo; le b mafoko a a bontshiwang mo go molawana tlaleletso 2 a a tshwanetseng go nna bogolo dipuo di le pedi tsa semmuso, e le nngwe ya tsona e e tshwanetseng go nna Seesimane.
Minimamo wa disaese ya ditempe ke 60 mm ka molagare wa letshwao le le kgolokwe le le bontshitsweng mo molawaneng tlaleletso 2.
Ditlhaka mo ditempeng di tshwanetse go buisega mme di se ka tsa nna kwa tlase go na le 8 mm go ya godimo.
Matshwao a a kwadilweng mo matherialeng o o phuthelang a ka nna mannye go na le disaese tse di boletsweng mo melawaneng tlaleletso 4 le 5 go tshwanela mabaka a a rileng fa e le gore a rebotswe ke motlhankedi mogolo wa porofensi.
enke ya mmala wa bophepole e tlhokiwa kwa ditempe di dirisiwang kwa dikgoropeng kana nameng mme e tshwanetse go dirwa ka metswako e e seng kotsi, e e jegang e rebotswe go dirisiwa mo dijong jaaka go tlhalositswe mo Molaong wa Diji, Dikhosemetiki le Dibolaya megare, 1972 Molao No. 54 wa 1972.
a dikgoropa tsa dikgomo, dinku, kolobe le pitse, mo kotareng nngwe le nngwe ya sekgoropa le ya dikolobe, setempe sa tlaleletso mo tlhogong; le b dikgomo, dinamane le dipitse, mo ditlhogong, fa matlalo a tlositswe.
Mo tlaleletsong go molawana 112, mong a ka dirisa mokgwa wa go tshwaya ka rolara mo ditotong tsa nama e khibidu, foo go tshwaya go go jalo go nang le mafoko le palo e e tlhagisitsweng mo molawaneng 112 , fa e le gore tshwao ya rolara e e jalo e ka dirisiwa fela kwa botlhabelong koo karologanyetso ya nama e dirwang.
a go kwalwa mo pampiring ya kereiti ya dijo kana matherialeng wa go gatisa wa polasetiki le go tlhokomelwa ka tsela e e tshwanang ya boitekanelo jaaka mo matherialeng wa go phuthela o o tshwarang; le b go tsenyeletsa tshedimosetso e e tlhokiwang ke molawana 1123 mmogo le tshedimosetso efe e nngwe e e tlhokiwang ke motlhankedi mogolo wa porofensi.
Fa dikumo di phuthelwang ka bongwe, matheriale wa go phuthela wa kereiti ya dijo o mo go ona letshwao la thebolelo le kwalwang kana leina, le kwadilwe ka letshwao, o tshwanetse go dirisiwa le sephuthelo se se tshotseng letshwao la thebolelo mme le ka dirisiwa gape morago ga go bulwa..
Mo lebakeng la go paka mo bontsing, ditshola kana dikhatone di tshwanetse go tshwaiwa sentle ka fekese ya letshwao la thebolelo le le bonalang sentle le le la saese e e buisegang.
Setshola se tshwanetse go tshwaiwa sentle mo mafelelong ka bobedi ka tshedimosetso e e tlhokiwang ke Molao wa Boemo jwa Dikumo tsa Temothuo, 1990 Molao No.
d letlha la go pakiwa kana khouto e e kgontshang letlha la go pakiwa go tlhomamisiwa; le e dikaelo malebana le themphereitšhara e kumo e tshwanetseng go bewa ka yona.
fa se sa dirisiwe setempe se tshwanetse go bewa mo lefelong le le sireletsegileng go ya ka thebolelo ya motlhatlhobi yo o kwadisitsweng; mme setempe sa thebolelo ga se a tshwanela go diriswa kwa botlhabelong kwa palo e farologanang go tswa palong e e mo setempeng.
Ditempe le sedirisiwa se se dikologang di tshwanetse go phepafadiwa le go opafadiwa kgapetsa ka nako ya tiriso.
Didirisiwa tsotlhe tsa go tshwaya di tshwanetse go tsholwa di itekanetse, kgakala go tswa bodilong le boalo bo bo bongwe bo bo leswe.
Matshwao a tshwanetse go dirwa ka mokgwa o e leng gore go a bonala mo sekgoropeng kana nameng.
Ga go motho yo o tla bayang setempe sa thebolelo, kana a tlosa letshwao le le jalo go tswa mo setotong sengwe le sengwe, karolo ya teng, nama kana sephuthelwana, go paka kana setshola, ntle le ka fa tlase ga tlhokomelo ya motlhatlhobi yo o kwadisitsweng.
Motlhatlhobi yo o kwadisitsweng a ka re ka nako nngwe le nngwe a tlhatlhobe gape setoto kana nama mo botlhabelong, go sa ikgatholoswe gore e ka bo e setse e rebotswe go jewa, mme fa mo tlhatlhobong gape a nna mo kakanyong ya gore ga e tlhole e lekanetse go jewa ke batho le diphologolo, o tshwanetse go tlosa setempe sa thebolelo ka go se sega, mme nama e e jalo e tshwanetse go senngwa.
b tshola mo lefelong le le tsholang kana kamore kana setsidifatsi se se dirang se se tlameletsweng lebaka, ntle le fa di tlosiwa mo tlwaelong e e tswelelang; le c) tlosiwa go tswa botlhabelong kwa bokhutlong jwa letsatsi le le dirang kana di bolokilwe mo setsidifatsing se se dirang kana segatsetsi kwa themphereitshareng ya mowa o o sa feteng kwa tlase ga 2 (C.
Ga go motho yo o tla tlosang setoto, karolo ya sona kana kumo e e jewang e e tshwerweng kana e sentswe go tswa botlhabelong, ntle le tumelelo ya motlhatlhobi yo o kwadisitsweng yo e leng moalafadiruiwa mme go ya ka maemo a a jalo jaaka go ka tlhagisiwa.
Mong wa botlhabelo o ikarabelela go tsamaelana le ditlhokego tsa semolao kana maemo a a amanang le tiso le go latlhiwa ga sekgoropa sengwe le sengwe, karolo ya teng kana kumo ya teng kana kumo nngwe le nngwe e e jewang e e ka se fetisediweng go jewa ke motho le phologolo.
i go sega le go gasagasa ka, kana nwelo mo teng, mmala o o sa kgatlhiseng o o reboletsweng lebaka; le ii phitlho le go khupediwa ka bonako go ya botennye jwa bogolo 60 cm mme e seng kwa tlase ga 100 m go tloga botlhabelong, fa e le gore matheriale o o jalo o ka se ame mo go kotsi boitekanelo jwa botlhabelo; kana c tiragatso kwa polanteng ya opafatso e e kwadisitsweng.
Polante e e opafaditsweng e tshwanetse go tsamaisana le ditlhokego tsa kakaretso tsa lefelo, dikago le didirisiwa tse di beilweng mo melawaneng 8 go ya 18, e e dirang ka diphetogo tse di tlhokegang.
a mafelo a a seng phepa, a a nang le dikamore tse mo go tsona matheriale o amogelwang, o bolokiwang kana go siamisediwa go opafadiwa mmogo le botseno go ya sedirisiweng sa go opafatsa; le b mafelo a a phepa, a a nang le dikamore tse mo go tsona matheriale o o opafaditsweng o omisiwang, sitsweng kana gongwe o siamisitsweng, o pakilweng, o bolokilweng kana go romelwa.
Lebota le le tiileng le tshwanetse go kgaoganya mafelo a a seng phepa le a a phepa, mme go ka bo go se na kgolagano e e tlhamaletseng magareng ga dikarolo tse.
Matheriale wa tlholego ya phologolo o ka amogelwa fela mo lefelong le le seng phepa la polante e e opafadiwang mme ga go matheriale o o jalo o o tla tlosiwang go tswa lefelong le ntle le ka ditiro tsa sedirisiwa sa opafatso.
Dibata tsa dinao ka dibolaya megare di tshwanetse go tlamelwa kwa botsong, mmogo le bata ya maotwana ya dikoloi kwa lefelong la kamogelo le le seng phepa.
Bodilo, mabota le sedirisiwa sa lefelo le le seng phepa la polante e e opafatsang di tshwanetse go phepafadiwa ka letsatsi morago ga khutliso ya ditiragatso.
b go tlhapa diatla tsa bona le go bolaya megare mo dibutsung tsa bona pele ba tloga mo lefelong le le seng phepa; le c go tšhentšha go tswa diaparong tsa tshireletso tse di leswe le ditlhako mme ba iphepafatse ka sesepa le metsi pele ba tloga mo lefelong.
Motho yo o tseneng mo lefelong le le seng phepa a ka se tsene mo lefelong le le phepa kana lefelo lengwe le lengwe foo dikumo tse di jewang di tsholwang mo botlhabelong ntle le fa a phepafaditse le go tshentsha jaaka go tshisinngwa mo molawaneng tlaleletso 4c.
Motho a ka se rekise dikumo tsa polante e e opafaditsweng ntle le fa di tsamaelana le ditotobatso tse di beilweng ke Mokwadisi go ya ka Molao wa Menontsha, Dijo tsa Polase, Diphekolo tsa Temothuo le Diphekolo tsa Thoto, 1947 (Molao No. 36 wa 1947).
Matheriale mongwe le mongwe o o tlhagisitsweng ka go diragatsa kana go alafa ka fa tlase ga ditshiamelo tsa Karolo e mme o ikaeletswe go jewa ke phologolo kana jaaka monontsha o tshwanetse go tsenela tshekatsheko e e jalo le diteko jaaka Mokwadisi yo o boletsweng a ka totobatsa.
Koloi e e dirisediwang go rwala matheriale o o senyegileng e se dirisediwe lebaka le lengwe gape, mme morago ga go phepafatsa le go bolaya megare koloi e ka dirisediwa go rwala matheriale o o sa jeweng.
b boalo bo bo ka fa gare bo thibetswe go dutla le go agiwa ka matheriale o o tiileng o o tla tshwarelelang; le c bodilo bo tlameletswe kwa ntlheng ya bona e e kwa tlse ka peipi ya kgamolo e e kgonang go nna e tswalegile sentle ka sekurufu sa belefo.
Sebaka sa go pega sa koloi e e dirisediwang go rwala matheriale go ya polanteng e e opafatsang se tshwanetse go phepafadiwa le go bolawa megare go ya ka kgotsofalo ya motlhatlhobi yo o kwadisitsweng kwa bofelong jwa tsamaiso nngwe le nngwe, kwa lefelong le ka kgethelolo le diretsweng lebaka leo.
d lebaka la kgobokanyo; le e ka fa matheriale o tshwanetseng go latlhiwa morago ga tiriso e e neng e ikaeletswe, fa go kgonegang.
Thebolelo ya mong wa polante o tlhokelwa dithulaganyo tsa kgobokanyo ya ditotwana.
Nama e ka romelwantle fela go tswa botlhabelong kana dipolanteng tse di neilweng kereiti e e kwa godimo jaaka matheriale wa tirego mme di kwadisitswe jaaka ditlhongwa tsa thomelontle.
Mong yo o ratang go romelantle o tshwanetse go dira kopo ya kwadiso ya botlhabelo jwa gagwe kana polante jaaka tlhomo ya thomelontle le motlhankedi mogolo wa bosetšhaba.
Nama e e ikaeletsweng go romelwa ntle e tshwanetse go tshwaiwa go ya ka ditlhokego tsa lefatshe le le romelang teng.
Sephuthela se mo go sona nama e tshwanetseng go romelwa ntle ka sona se tshwanetse go tswalelwa ka nako ya go pegiwa ga sona ka sekhurumelo se se nang le palo ya sekhurumelo e e ikgetholotseng.
Mokgwa o ka ona kopo ya tetla ya thomeloteng e tshwanetseng go dirwa ke moromelateng ke go tlatsa kopo ya semmuso e e bonwang go tswa motlhankeding mogolo wa bosetšhaba le go e romelwa ka go ena.
b Motho mongwe le mongwe yo o tlamelang tshedimosetso e e fosagetseng mo foromong ya kopo ya tetla ya thomeloteng o molato wa tshenyo mme o tshwanelwa ke ponomolato kwa dikotlhaong tse di boletsweng mo go karolo 223 ya Molao.
b dikgato tseo tsa tshireletso di tshwanetse go nna mo mannong go thibela karolo nngwe le nngwe ya thomelelo go tlosiwa pele ga tlogelo ya bofelo ya seo; le c gore dikwalo tsotlhe tse di maleba kwa thomelelong di tshwanetse go tsholwa ke mong wa bobolokelo bo bo tsididi go tlhatlhobiwa ke motlhankedi mogolo wa bosetšhaba.
f tlhomamisa gore maemo otlhe a mangwe a a boletsweng mo tetleng ya thomeloteng a latetswe; le g dira tiro efe e nngwe e e tlhokegang go tlhomamisa gore nama e bolokesegile le go tshwanela go jewa ke batho le go se bontshe matshosetsi ape a go fetisa bolwetse bo bo fetelelang jwa phologolo.
b mohiri yo o mo molaong kana monni; kana c ka go le lengwe a na le tshwanelo ya taolo, tsamaiso kana tiriso.
Ditshiamelo dife tse dingwe tse di laolang go tsholwa le go tlhabiwa ga diphologolo mo lefatsheng tse di tshisinngwang ka fa tlase ga molawana tlaleletso 2, di tshwanetse go latelwa mo tlaleletsong kwa ditshiamelong tsa Molao le Melawana e.
Ke diphologolo tse di itekanetseng fela tse di ka tlhabiwang.
Dikarolo tsa diphologolo tse di tlhabilweng tse di sa dirisiweng, di tshwanetse di tsewe jaaka matheriale o o senyegileng mme o latlhilwe go ya ka ditlhaloso tse di maleba tsa Karolo VIII ya melawana e kana go ya ka ditlhokego tsa boitekanelo tsa bothati jwa selegae bo bo maleba.
a yo o neilweng bothati jwa seo, ka go kwalelwa, ke bothati jwa tsa sedumedi sa Isilamiki; le b yo o nang le kitso e e tlhokegang, bokgoni jwa sebele le sedirisiwa go diragatsa tshego ya go tswa madi ka mokgwa wa setho.
b go bona tumelelo e e kwadilweng ya seo go tswa go mong wa lefatshe leo go tlhaba go go jalo go tla diragalang; le c go tlhomamisa gore ke diphologolo tse di itekanetseng fela tse di tlhabiwang.
Dikarolo tsa diphologolo tse di tlhabilweng tse di sa dirisiweng, di tshwanetse di tsewe jaaka matheriale o o senyegileng mme o latlhilwe go ya ka ditlhaloso tse di maleba tsa Karolo VIII ya melawana e kana go ya ka ditlhokego tsa boitekanelo tsa bothati jwa selegae bo bo maleba.
Nama e e bonweng go tswa phologolong e e tlhabilweng ka fa tlase ga molawana o e ka phasaladiwa jaka go tlhagisitswe ke Molao wa Isilamo.
Ditshiamelo tsa molao dife tse dingwe tse di laolang go tsholwa le go bolawa ga diphologolo mo lefatsheng le le boletsweng mo molawaneng tlaleletso 2b di tshwanetse go diragadiwa mo tlaleletsong kwa ditshiamelong tsa Molao le Melawana e.
b go bona tetla e e kwadilweng ka se go tswa go mong wa lefatshe wa fa go tlhaba go go jalo go tla diragalang; le c go tlhomamisa gore ke diphologolo tse di itekanetseng fela tse di tlhabiwang.
Dikarolo tsa diphologolo tse di tlhabilweng tse di sa dirisiweng, di tshwanetse di tsewe jaaka matheriale o o senyegileng mme o latlhilwe go ya ka ditlhaloso tse di maleba tsa Karolo VIII ya melawana e kana go ya ka ditlhokego tsa boitekanelo tsa bothati jwa selegae bo bo maleba.
Ditshiamelo dife tse dingwe tsa semolao tse di laolang go tsholwa le go tlhabiwa ga diphologolo mo lefatsheng tse di boletsweng mo molawaneng tlaleletso 1b di tshwanetse go latelwa mo tlaleletsong kwa ditshiamelong tsa Molao le Melawana e.
a a neilwe bothati bo bo kwadilweng ke mong wa botlhabelo, morago ga go tlhophiwa ke baagi ba sedumedi; mme b a na le kitso le bokgoni jwa sebele go dirisa ditshiamelo tse di tlhokegang le tse di rebotsweng go diragatsa tshego e e tswang madi ka mokgwa wa setho.
b a tsenye boikuelo le Tona kana Mokhuduthamaga, jaaka kgetse e ka bo e ntse, mo malatsing a le 30 a go itsisiwe ka tshwetso.
c a tsenye madi jaaka a tlhalositswe mo Thulaganyong 1 mo kopong.
Melawana e e bidiwa Melawana ya Nama e Khibidu, 2004.
Boikuelo kwa go Tona kana Minisetara.
<fn>tsn_Article_National Language Services_LEHUMA BONG LE MOLAO WA TEKATEKANO.txt</fn>
Ntwa kgatlhanong le lehuma e sale e lowa go tloga kwa ga Lowe mme le ga jaana re tsweletse go lebagana nayo le mo mileniamong o montšhwa. Ga gona gope kwa ntwa eno e bonala sentle gona go gaisa fa e lebelelwa ka bokao jwa bong le lehuma mo Aforika.
Lehuma ke eng?
Seemo se mo go sona go nang le lehumo le lennye fela gongwe go sena lehumo lepe gongwe le fa e le dithoto; bodidi, botlhoki'.
Mo dingwageng tse di sa tswang go feta, dipatlisiso tse di ntseng di lebelela megopolo ya batho ba ba humanegileng di lemogile gore lehuma le akaretsa ditlhokego tse dintsi, go akarediwa go nna mo matshosetsing a tirisodikgoka e e ikaegileng ka bong, tota le go tlhoka dithoto.
Lehuma le lekanyediwa jang?
Lehuma la bodidi jwa nta e e motopo (lehuma le le feteletseng) le tsamaelana le botlhoki jo bo tseneletseng.
Lehuma fela le tsamaelana le go amogwa ga batho fa go lekalekanngwa le ba bangwe mo setšhabeng se ba tshelang mo gare ga sona. Fa go lekanyediwa go tlhoka fano, go elwa tlhoko dintlha di tshwana le go tlhoka tekatekano ya lotseno, lehumo le ditshiamelo tse di mo setšhabeng le mo baaging.
Ke eng se se bakang lehuma mo Aforika Borwa?
Dipalopalo tsa lehuma mo Aforika Borwa di eme jang?
Pegelo ya fa gautshwane ya Aforika Borwa e sweditse gore selekano sa batho ba ba mo lehumeng, go ya ka seelo sa lehuma sa Aforika Borwa, se wetse tlase (go tswa go 51,1% ka ngwaga wa 1995 go ya go 48,5% ka ngwaga wa 2002) fela palo yotlhe ya lehuma e oketsegile go tswa go dimilione di le 20,2 ka ngwaga wa 1995 go ya go dimilione di le 21,9 kwa ngwaga wa 2002. Gape pegelo e tlhalosa gore selekano sa baagi ba ba tshelang ka fa tlase ga $1 ka letsatsi e oketsegile go tswa go 9,4% kwa ngwaga wa 1995 go ya go 10,5% ka ngwaga wa 2002.
Go reng basadi ba le mo matshosetsing a lehuma?
Lehuma, bong, le tirisodikgoka e e ikaegileng ka bong di amana jang?
Tirisodikgoka kgatlhanong le basadi le lehuma di-ya-thoteng di bapile. Ka bomadimabe basadi ba le bantsi mo Aforika Borwa ke batswasetlhabelo ba go betsakakiwa, petelelo le tshotlakako ya maikutlo. Fela, lehuma le oketsa matshosesi a go nna motswasetlhabelo wa tirisodikgoka.
<fn>tsn_Article_National Language Services_LEKALA LA SAENSE LE THEKENOLOJI.txt</fn>
Lekala la Saense le Thekenoloji la Lefapha le leka go tlisa mekgwa e e ka thusang gore saense le thekenoloji di dire gore go nne le kgolo le tlhabololo ka mokgwa o o ka kgonang go tswelediwa, mo maphateng a a amang batho botlhe ba Afrika Borwa.
Seno se akaretsa tsereganyo, kgolagano mmogo le go dira jaaka sediriswa sa diphetogo go lebeletswe maphata a tlhagiso a ikonomi ya rona, go e dira gore e kgone go gaisana lefatshe ka bophara, gape le go lebelela tlhabololo e e saletseng kwa morago mo baaging ba ba kobo di khutshwane ba naga ya rona. Maitlhomo a go fitlhelela toro eno a tshegeditswe ke maano a tlhabololo a gore go netefadiwe gore go na le batho ba ba nang le bokgoni jwa saense, boenjinere mmogo le thekenoloji, go netefatsa temokerasi mo pusong le mo baaging, go rotloetsa gore baagi ba sedimosediwe mmogo le go netefatsa gore mananeo a tlhabololo a tla kgona go tswelediwa.
Go netefatsa gore go na le motheo o o lolameng wa saense le go o fetola go tlhola ditiro le kgolo ke kgwetlho e kgolo. Mokgwa o o dirisiwang ke lephata la Thulaganyo ya Bosetšhaba ya Ditlhabololo e e itsegeng ka NSI, mo go lemogeng go tlhoka go tlhamalala ga ditlhabololo - moo go dira e seng fela tiro ya tlhabololo mo ditheong tse di farologaneng mme gape go lebeletse tsalano mmogo le kgolagano magareng ga ditheo - o gogela kwa goreng puso e nne le seabe sa go tlisa diphetogo, go tsereganya mmogo le go beeletsa ka togamaano.
Ke ka moo Lekala le sweditseng ka kgwedi ya Ngwanaatsele 2000, go sekaseka gape tiro mmogo le togamaano ya maphata otlhe a bokaedi a a leng ka fa tlase ga Lekala gore go fitlhelelwe maitlhomo a a tlhagisitsweng fa tlase. Go sekasekilwe ka kelotlhoko, seabe sa Lekala jaaka se bonwa ke badiri botlhe ba Lekala, mme go lebeletswe thata gore a le bonwa e le "mopalami kgotsa mokgweetsi" fa go lebeletswe NSI. Kgato eno e nnile mosola e le ruri. E thusitse go supa bokgoni jwa tiro e e tsweletseng, mafelo a maphata a bokaedi a ka tokafatsang mo go ona mmogo le diphatlha tse go tlhokegang bokgoni jo bontšhwa gongwe jo bo farologaneng mo go tsona, go kgona go fitlhelela maikarabelo a Lefapha tebang le lenaneo la bosetšhaba la tlhabololo.
Go tiisa seabe sa ditheo tsa Saense, Boenjiniri le Thekenoloji gore go kgone go fitlhelelwe maitlhomo a a fitlhelwang mo leanong la Thulaganyo ya Bosetšhaba ya Ditlhabololo.
Go rotloetsa setšhaba go lemoga, go itumelela, go sekaseka ka leitlho le le ntšhotšho mmogo le go tlhaloganya Saense, Boenjiniri le Thekenoloji ka diporojeke tse di rulagantsweng le go tsamaisiwa sentle.
Go tiisa mokgwa wa dipuisano le ditheo tsa poraefete mo Thulaganyong ya Bosetšhaba ya Ditlhabololo.
Go tsamaisa go tlhangwa ga maphata a mantšhwa mo ditheong mo e leng gore seo se supa fa go tla nna le bokgoni jwa go nna le ditlamorago tse di kgatlhisang mo tlhabololong ya maphata otlhe.
Go tokafatsa le go tiisa tirisanommogo mo go bao ba dirang dipatlisiso.
Go rotloetsa babatlisisi ba Afrika Borwa go golagana le balekane nabo ba togamaano mo maphateng a saense le thekenoloji lefatshe ka bophara.
Go tokafatsa boleng jwa tshedimosetso ya dipalopalo tsa Saense, Boenjiniri le Thekenoloji go tokafatsa bokgoni jwa go tsaya ditshwetso ka ga ditlhabololo mmogo le dipeeletso, gammogo le go kgweetsa go tokafadiwa ga boleng jwa ditiro tsa Saense, Boenjiniri le Thekenoloji go lebeletswe seemo se se amogelesegang lefatshe ka bophara.
Go tokafatsa kitso ka go netefatsa gore go tlhabololwa kitso ya tsa saense.
Tiro ya lephata la bokaedi e laolwa ke maitlhomo a Thulaganyo ya Bosetšhaba ya Ditlhabololo ya go tokafatsa seemo sa kgaisano sa ga Afrika Borwa mo ikonoming ya lefatshe mmogo le go tokafatsa matshelo a baagi ba Afrika Borwa botlhe. Maitlhomo ano a tshegeditswe ke maano a tlhabololo le a tlamelo a tlhabololo ya badiri, thotloetso ya go nna le baagi ba ba nang le tshedimosetso mmogo le tlhabololo ya mekgwa ya go fitlhelela maitlhomo a Thulaganyo ya Bosetšhaba ya Ditlhabololo.
Ditiro tse di neng di tlhametswe go oketsa kelo ya dikganetsano tebang le ditekanyetso tsa dipalopalo tsa go dira ga saense, boenjiniri le thekenoloji (bogolo segolo go lebeletswe seemo sa naga e e tlhabologang).
Ditshutiso tse dingwe tsa botlhokwa di ka bonwa mo kelong ya koketso ya ditlamelo tse di lebisitsweng kwa National Research Foundation (NRF), e leng setheo se se laetsweng go tlhabolola bokgoni jwa dipatlisiso go ikaegilwe thata ka lephata la thuto e kgolwane. Gape NRF e reboletswe ditlamelo go kgontsha babatlisisi mo lephateng la thuto e kgolwane go fitlhelela didiriswa le ditlamelo tse di kwa National Laser Centre, e leng setheo se sentšhwa se se rulagantsweng ke DACST mo ngwageng wa 2000 go tsamaisa tlhabololo ya thekenoloji mo lephateng la laser.
Setheo sengwe gape se se mo tseleng ya kgolo e e kwa godimo ke sa Medical Research Council (MRC). MRC e amogetse koketso ya 36% mo tekanyetsokabong ya yona ya nako e e sekasekwang ka ntlha ya fa go lemogilwe gore dipatlisiso tsa bongaka le boitekanelo di ntse di fiwa matlole a a kwa tlase tota. Go solofetswe gore e tla re ka ngwaga wa 2003/2004, e bo e oketsegile ga raro go tswa go ya 1999/2000. Go akareditswe, mo tshegetsong eno, matlole a a ageletsweng a lenaneo la patlisiso ya moento wa HIV/Aids.
Go latela go amogelwa ga White Paper ya Saense le Thekenoloji, e e supileng botlhokwa jwa gore puso e tshegetse Thulaganyo ya Bosetšhaba ya Ditlhabololo, go tserwe dikgato di le mmalwa tsa botlhokwa. Nngwe ya tsona ke ya go beela thoko matlole a a ka fitlhelelwang ka mokgwa wa go a gaisanela. Matlole ano a dira Letlole la Tlhabololo. Letlole la Tlhabololo ke lenaneo la tshegetso le le lebeletseng mathata "a a tseneletseng thata mo e leng gore a dia tlhabololo ya ikonomi ya loago gongwe a ama bokgoni jwa rona jwa go gaisana ka dikuno le ditirelo". Matlole ano a akanyeditswe diporojeke tse dikgolo mme a akaretsa tekano e e utlwalang ya R&D. Mo nakong e e sekasekwang eno, Letlole la Tlhabololo le nnile le kgolo ya 66% go tsa go matlole a motheo a 1999/2000 a a neng a fitlhelela go dimilione di le R75. Go tlhamilwe Terasete ya Letlole la Tlhabololo go kaela lenaneo leno ka togamaano mme go solofetswe fa botsamaisi jwa tiro bo tla fetisediwa kwa setheong se tshwana le NRF se se nang le ditlamelo tse di siametseng setheo sa thebolo ya matlotlo.
Meento ya Biotechnology, bolwetsi jwa Newcastle - ditlamorago mo baruing ba ba botlana ba dikoko.
Tiriso ya thekenoloji ya probiotic go tokafatsa disirele tsa ga jaana tsa masea le bana ba bannye go thibela letshololo (e leng lona le eteletseng pele go baka dintsho tsa bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse tlhano mo Afrika Borwa).
Moento wa go fokotsa go nna teng ga kankere ya popelo (e e fitlhelwang thata mo basading ba ba tswang kwa baaging ba ba neng ba sa fitlhelele ditlamelo).
Biotechnology go rarabolola bothata jwa go phanya ga dikgong tsa dibulokomo: mofuta o o jalwang thata wa dikgong tse di thata mo Afrika Borwa (Bothata bo dira gore di dirisediwe fela matute).
Biotechnology - dijalo tse di dipelang komelelo le malwetsi.
Go dirisa dimela tsa rona tsa tlhago go dira "melemo ya bommakgonte" (go rarabolola bothata jo bo gona jwa go dipela melemo).
Ditlamelo tse di laolang ditshenekegi, mofero mmogo le malwetsi a dijalo tse di sa diriseng dikhemikhale.
Go lemoga le go aroganya ka ditlhopha, mefuta e e gona ya meuta (fungal strains) e e ka bakang gore go nne le diensime tse di ka tokafatsang go jega ga metswako ya dijo tsa diphologolo tsa Afrika Borwa.
Ponelopele ya boemo jwa bosa ya dipaka ka tiriso ya thulaganyo ya tlelaemete e e dirisang khomphiutara.
Thekenoloji ya ultrasonic e e leng ditlamorago tsa tiro ya sesole mme e na le mokgwa o o rileng wa go thusa ka tshekatsheko e e itsegeng ka Doppler waveform analyis (DWA) e e tlhotlhwa tlase go dirisiwa ke baoki ba ba kwadisitsweng kwa ditleleniking tsa baimana.
Tlhabololo ya thulaganyo ya bosetshaba ya go supa dikoloi ka tiriso ya internet go ikaegilwe ka dikgatiso tsa menwana.
Ditlamelo tsa tlhaeletsano tse di nang le kgaso ya sathalaete go kgontsha tiriso ya internet, go phasalediwa kwa metse magaeng ka tiriso ya thekenoloji ya waelese mmogo le go kgolagano e e tla dirwang ka thuso ya motlamedi wa tirelo ya GSM - go dirisiwa maatla a a tlhabololwang a tshwana le biogas le maatla a letsatsi.
South African Integrated Spatial Information System (ISIS 2000) ya ngwagakgolo o montšhwa: Go fitlhelela temothuo (mmu, tlelaemete, metsi le mabaka a tikologo), biodiversity le tshedimosetso e e ka ga dikarolo tse di kwa mabopong di botlhokwa tota mo babatlisising, batsaya ditshwetso mmogo le mo baaging ka kakaretso tebang le togamaano ya tiriso ya lefatshe mmogo le ditlhabololo.
Go tlhamiwa ga thulaganyo e e sa tlhokeng madi a le mantsi go tlhokomelwa mme e ka kgona go itlhokomela go phepafatsa maswe a a gelelwang go tswa kwa meepong le kwa difemeng.
Go ntshwafatsa polythylene terephthalate (PET: nngwe ya mefuta ya polasetiki e e kgonang go ntshwafadiwa go dirisiwa gape) gore go tlhagisiwe ditlhagiswa tse dingwe gape di tshwana le ditlhale, ditlaleletsa ditlhale, diphate, dikarolo tsa dikoloi mmogo le ditlhagiswa tse dingwe tse dintsi.
Go tlhabolola le go tsenya tirisong thulaganyo e e kwa godingwana ya go phepafatsa zinc ya PWG go nna zinc e e kgethegileng ya seemo se se kwa godimo: thekenoloji ya go thusa gore thulaganyo e nne tlhotlhwatlase gore go kgone go nne le tlhagiso e e kwa godimo mo Afrika Borwa fa e lekanngwa le lefatshe.
Go tsenya tirisong thekenoloji ya tlhabololo indaseteri ya selegae ya titanium: boswa jo e leng nngwe ya ditlamelo tse di botlhokwa tsa tlholego tsa naga eno.
Go tlhabololwa ditlhagiso tse di rileng tsa zirconia go tswa mo zircon e e tlhaolositsweng: Afrika Borwa e na le 45% ya mafelo a a nang le zircon mo lefatsheng.
Thekenoloji ya Closed Loop Automated Manufacturing (CLAM): go tlhagisa didiriswa go ralala bontsi jwa dithekenoloji tsa phetolelo di akaretsa go bopa ka mokgwa wa go enta gammogo le die-casting e e dirisang kgatelelo mme go sa dirisiwe thulaganyo e e tlwaelegileng e e boima.
Go tlhagisa ditlhagiswa tsa dijo go tswa mo matlakaleng a ditlhapi: go dirisiwa ditlhogo tsa ditlhapi - tse gantsi di tsewang e le matlakala - go tlhagisa bopi jo bo humileng ka diesiti tse di mafura tsa Omega-3, diporoteini mmogo le khalesiamo tse di ka dirisiwang mo go tlhagiseng dijo dikgolo.
Melemo e e lwantshang malaria go tswa mo dimeleng tsa melemo tsa Borwa jwa Afrika - dikgwebo tse dintšhwa tsa phetolo ya dikuno go rebola ditlhagiswa tsa dimela tse di ka dirisiwang mo go direng melemo e e lwantshang malaria.
DACST e tlhomile lenaneo leno ka maitlhomo a go siamisa tlhaelo ya ditlamelo tsa maemo tsa didiriswa/thekenoloji kwa ditheong tsa Saense, Boenjiniri le Thekenoloji. Dipatlisiso tsa go sa le tsa gale ditheo tsa Afrika Borwa tsa patlisiso, thuto e kgolwane, dilaboratori tsa poraefete le tsa setšhaba, di supile fa e tla re ka ngwaga wa 2002, didiriswa tsa Afrika Borwa tsa dipatlisiso tsa saense tsa boleng jwa halofo ya bilone, di be di sena mosola. Ka ntlha ya fa tekanyetsokabo ya dikhansele tsa saense e tsweletse go ngotlega, DACST e rebotse matlole go dirisiwa mo dipeeletsong tse di rileng tsa ditlamelo tsa didiriswa mmogo le thekenoloji.
Tlamelo ya laboratori kwa Port Elizabeth ya didiriswa tse di tla kgonang go fitlhelela ditlhokego tsa maphata a a rulaganeng le a a sa rulaganang a kgwebo ya go roka. Lephata leno le beilwe leitlho jaaka karolo e e nang le bokgoni jwa go gola. Tlamelo eno e tla dirisiwa ke babatlisisi ba ba magareng ga 25 le 30 go tswa kwa CSIR, dindasetering, diyunibesithi mmogo le dithekenikono.
Go tsenngwa ga Dynamic Reaction Cell ECP Mass Spectrometer kwa Mintek. Meepo le diminerale le tsona di tsewa e le mangwe a mafelo a a botlhokw a kgolo mo Leanong la Ikonomi. Bokgoni jo bo lekanyeditsweng jwa didiriswa tsa ICP-MS bo akaretsa go retelelwa ke go lemoga dintlha tse di ka nnang bosisi mo tikologong. Go tla katisiwa babatlisisi ba le 10 mmogo le baithuti ba ka nna 24. Babatlisisi ba ka nna 10 go tswa kwa Mintek le kwa ditheong tse dingwe ba tla dirisa didiriswa le fa e se ke ya nna ka tlhamalalo.
Go bewa ga mmeisara wa haetorojene kwa HartRAO. HartRAO ke yona fela thelesekopo ya waelese mo Afrika mme go le gantsi e batlelwa go nna le seabe mo diporojekeng tsa Very Long Baseline Interferometry (VLBI). Sekai ke go dirisiwa ga asetoronomi ya waelese go lepa go fetoga mo go thuthafaleng ga lefatshe.
Go tlhoma tlamelo ya go leka megala ya bommalethekana kwa SABS. Go na le botlhokwa jwa gore go nne le laboratori e e kannweng e e ka dirang diteko tsa kelo ya makhubu a motlakase a megala ya bommalethekana. Tlamelo eno e tla kgontsha gape gore go nne le dipatlisiso tsa go tlhama seemo sa kelo ya makhubu a motlakase mmogo le melao ya maitsholo.
DACST mmogo le OECD di ne di rulagantse seminara e e atlegileng tota e e neng e le ka ga tekanyetso ya ditiro tsa tlhabololo mo ikonoming e e tlhabologang le e e ntseng e tlhagelela. Seminara e ne e rulagantswe go lebeletswe seemo sa DACST sa go nna molebeledi mo CSTP ya OECD mme gape e le nngwe ya maiteko a OECD a go oketsa tirisanommogo le dinaga tse di tlhabologang tse e seng ditokololo. E ne e rulagantswe gore e kgobokanye baitseanape go tswa kwa dinageng tsa OECD le tse e seng tsa OECD go amogana maitemogelo mo tekanyetsong ya tlhabololo ya thekenoloji.
Go akanya ka tiriso ka kakaretso ya dipatlisiso tsa ditlhabololo jaaka mokgwa wa tlaleletso wa go lekanyetsa ditiro tsa saense le thekenoloji. Potso e e neng e le mo mogopolong wa mongwe le mongwe e ne e ele gore a mme go na le mokgwa mongwe o sele o o neng o ka dirisiwa go lekanyetsa tlhabololo go lebeletswe thata botlhami mo dinageng tse di tlhabologang. Go thusa ka thefosanyo ya maitemogelo magareng ga dinaga tse e leng ditokololo tsa OECD le tse e seng ditokololo tsa OECD tse di setseng di dirile dipatlisiso tsa tlhabololo.
Go dira gore maitemogelo a dinaga tsa OECD a go lekanyetsa tlhabololo a fitlhelelwe ke bontsi jwa dinaga tse di farologaneng.
Phasalatso e e tla latelang ya thulaganyo ya kwa seminareng.
Ditshwaelo tsa seminara eno go ragosa thulaganyo e e tla dirang gore dinaga tse e seng tsa OECD di nne le tshwaelo e e bonalang mo tshekatshekong ya manyuale wa OSLO (letlhomeso la ntlha la go dira dipatlisiso tsa tlhabololo).
Go batlisisa ditsela tsa semolao tse di ka netefatsang gore go nna le kelo e e kwa godimo ya tsibogo mo dipatlisisong, e e tla netefatsang gore ditlamo di rebola tshedimosetso e e nang le boleng.
Go dira gore go nne le mokgwa o o laolwang mme o lotane wa go kokoanya tshedimosetso go ralala dikarolo tsa puso tse di maleba.
Go akanya ka gore go nne le dipatlisiso tsa dithulaganyo tsa dikgaolo tsa tlhabololo.
Botlhokwa jwa gore dipatlisiso di tswelele go tlhalosa tlhabololo ka ntlha ya fa thulaganyo ya tlhabololo e le marara tota fa go lebeletswe ikonomi e e sa ntseng e gola.
Botlhokwa jwa gore go nne le dipatlisiso tse di nang le mosola ka bonako go tlamela maphata a ditirelo.
Botlhokwa jwa dipatlisiso tse di tswelelang go netefatsa gore go nna le tshedimosetso e e siameng ya boleng go sekaseka seabe mo pholesing mmogo le seabe sa didiriswa tsa pholesi.
Botlhokwa jwa gore go nne le dipatlisiso tse di nang le ditlamelo tse di botoka le tse di rulagantsweng sentle go oketsa kelo ya tsibogo.
Indaseteri ya tlhagiso ya dikuno mo Afrika Borwa, maphata a ditirelo (tlhaeletsano, ditšhelete, indaseteri ya bojanala, tshireletsego, j.j.) mmogo le indaseteri ya kitso (thuto e kgolwane, ditheo tsa dipatlisiso, j.j.) e simolola go lemoga gore e direla mo tikologong ya thekenoloji e e lebelo tota le e e lepalepaneng le kgaisano.
go itsise mekgwa ya tsereganyo e e thusang go fetisetsa thekenoloji e e maleba go kgontsha tlhabololo ya ikonomi, kgolo mmogo le boleng jo bo botoka jwa botshelo mo baaging ba kwa metsemagaeng.
Pegelo ya patlisiso ya Ponelopele ya Bosetšhaba ya patlisiso ya Thekenoloji e tlhomilwe semmuso ka kgwedi ya Mopitlwe ka ngwaga wa 2000. Tiro eno e bonetse pele sebaka sa dingwaga di le 15 go ya go 20 mo isagong, mme ya supa setlhopha sa dithekenoloji le mekgwa ya ga jaana ya tlhabololo ya thekenoloji e e ka nnang le ditlamorago tse dikgolo mo ikonoming le mo tlhabololong ya loago ya Afrika Borwa. Diphitlhelelo tsa dipatlisiso tseno di begilwe ka botlalo mo pegelong e e akaretsang e e kgobokantseng dikatlenegiso tse di tswang kwa maphateng a a farologaneng mmogo le kwa maphateng a diindaseteri tse di farologaneng, jaaka temothuo le agro-processing, biodiversity, ditirelo tsa ditšhelete, maatla, tikologo, boitekanelo, thekenoloji ya tshedimosetso le tlhaeletsano, tlhagiso dikuno le ditlhagiswa, meepo le methaloji, bosenyi le thibelo ya bosenyi, bojanala mmogo le bašwa.
Ditiro tse di latetseng seno di akareditse go phasaladiwa ga dikatlenegiso tse di dirilweng ke maphata a a farologaneng go ya kwa bontsing jo bo neng bo kgona go fitlhelelwa jwa batho mo Afrika Borwa. Go rulagantswe matsholo a Ponelopele mme a tlhagisiwa ka katlego kwa baemeding ba ba neng ba tswa kwa maphateng a borutegi, mo setšhabeng, kwa diindasetering mmogo le kwa pusong. Go phasaladitswe gape le dipegelo tse di feletseng tsa Ponelopele tse di akaretsang dikhophi tsa dintlha dingwe tse di neng di rulaganyeditswe go dirisiwa mo patlisisong. Go fitlha ga jaana, go setse go fitlheletswe mafelo a a latelang: Cape Town, Pietersburg, Port Elizabeth, East London, Durban le Bloemfontein.
Le fa patlisiso ya Ponelopele ya Bosetšhaba ya Saense le Thekenoloji e ne e tsepamisitse maikutlo mo dingwageng di le 15 go ya go 20 mo isagong, mme e tlhagisitse setlhopha sa mefuta ya thekenoloji e e nang le bokgoni jwa go nna le ditlamorago tse di ntle mo ditlhokegong tsa ikonomi ya loago ya naga ya rona, go nnile botlhokwa gore go lebelelwe paka-khutshwane, mme go tlhamiwe dimmapa tsa tsela tse di tla latelwang go fitlhelela bokgoni jo bo ka fitlhelegang mo mefuteng e mengwe ya thekenoloji.
Go tlhophilwe maphata a le mararo a a tla dirisediwang ditsela tseo, e leng Information & Communication Technologies, Advanced Materials, le Biotechnology mmogo le Bioinformatics. Maphata ano a tlhophilwe ka ntlha ya botlhokwa jwa ditlhabololo tsa thekenoloji mo go ona mme gape ka ntlha ya seabe se segolo se a nang le sona mo mefuteng e mengwe e e farologaneng ya thekenoloji e e akareditsweng mo patlisisong ya Ponelopele. Maitlhomo ke gore go tlhamiwe, mo maphateng ano ka boraro jwa ona, kgolagano magareng ga ditlamelo tsa thekenoloji tse di tlhokang go tlhabololwa mmogo le go dirisa ka botlalo ditšhono tsa isago tsa papatso. Dimmapa tsa thekenoloji di bonwa e le didiriswa tsa togamaano mme di leka go supa, go nopola mmogo le go tlhabolola mekgwa e mengwe ya thekenoloji ka badirisi le batlhagisi ba thekenoloji, go akarediwa diindaseteri, barutegi mmogo le puso, ba e leng gore ba ka kgobokanya ditlamelo tsa bona go kgweetsa ditlhabololo mo mafelong a go dumelanweng ka ona. Diphitlhelelo tse di lebeletsweng tsa dimmapa tsa thekenoloji di akaretsa maano a bosetšhaba a dipatlisiso, maano a a tlhabolotsweng a tlhabololo ya badiri ba Saense, Boenjiniri le Thekenoloji mmogo le maano a dipeeletso ka ditlamelo tsa Saense, Boenjiniri le Thekenoloji. Go tlhomilwe komiti tsamaiso go ela tlhoko porojeke mme go dumelanwe ka mokgwa o o tla dirisiwang go fitlhelela maitlhomo. Go tla tlhagisiwa tswelelopele e e teng mo porojekeng mo kopanong e e latelang ya dipegelo.
European Commission e abile matlole a go tshegetsa tlhabololo ya dikgwebo tsa SMME mo Afrika Borwa, e le bontlhabongwe jwa lenaneo la yona la go thusa dinaga di sele. Lenaneo leno la GODISA, le le nang le DACST jaaka molekane, le tla tshegetsa go tlhamiwa ga mafelo a go thuthusa thekenoloji, diporojeke tsa tekeletso kwa ditheong tsa go bontsha thekenoloji mmogo le ditheo tsa tshegetso ya tlhabololo. Mo nakong e e sekasekwang go ne ga tlhomiwa yuniti ya tsamaiso ya lenaneo go thusa DACST ka go tsenya maitlhomo tirisong. Go nnile gape le tswelelopele tebang le go wetsa go tlhopha mekgatlho e e tla nnang le seabe mo diporojekeng. Pegelo e e ka ga diphitlhelelo tsa diyuniti tse di tlhalositsweng fa tlase e tla tlhagisiwa mo nakong e e tla sekasekwang mo isagong.
Go tlhophilwe mokgatlho o o eteletsweng pele ke Mintek gore o tlhame setheo sa dipontsho tsa thekenoloji se se itsiweng jaaka TDC. Setheo seno se tla lebagana le meepo e mebotlana mmogo le maphata a mangwe a a maleba. Maitlhomo magolo a sona e tla nna go bontsha le go rotloetsa tiriso ya thekenoloji e e maleba le e ntshwa ya meepo e e fitlhelwang mo lephateng leno.
Go tlhophilwe mokgatlho o o eteletsweng pele ke Yunibesithi ya Natal go tlhama setheo sa tshegetso ya tlhabololo se se itsiweng jaaka ISC. Setheo seno se tla lebelela dithulaganyo tsa thekenoloji ya tshedimosetso. Mosola o mogolo wa sona ke go sola molemo le thekenoloji e e tlhabolotsweng mmogo le go e rekisa mo lephateng leno.
Go tlhophilwe mokgatlho o o eteletsweng pele ke CSIR go tlhama lefelo lago thuthusa thekenoloji. Lefelo leno la go thuthusa le tla lebelela thata thekenoloji ya tshedimosetso le tlhaeletsano, mme go lebeletswe thata sofotowere e e ka dirisiwang ke ditlamelo tsa waelese. Mosola o mogolo wa lona e tla nna go tlamela ka bonno, go rotloetsa, go godisa mmogo le go tlhoma dikgwebo tse di humileng ka thekenoloji mo lephateng leno ka go tlamela ka tikologo e e sireletsegileng e e dikgwebo tseno di ka golelang mo go yona.
Go na le mekgwa e le mmalwa ya go fetisa/ go anamisa thekenoloji go kgontsha go tlamela batho ba dikgwebo tsa SMME ka tshegetso go lebeletswe go ba bontsha le go ba katisa mo thekenolojing e ntšhwa mme bogolo segolo mo mererong ya go tsamaisa kgwebo le go bapatsa.
Go gokaganya le ditheo tsa kitso/ thekenoloji di tshwana le dithekenikono le diyunibesithi.
Lenaneo le le rulaganyeditsweng go lebagana le merero eno ke Lenaneo la Diteišene tsa Thekenoloji le le itsegeng jaaka TSP. Batho ba kwa dithekenikonong ba lemogilwe e le bona ba ba siametseng go ka dirisiwa go tlhoma setheo se se golaganyang kitso/ thekenoloji le dikgwebo tsa SMME tse di ikaegileng ka thekenoloji. Lenaneo le thusa ka dithulaganyo tsa tirisanommogo ya go refosanela tiriso ya didiriswa tse e leng karolo ya ditlamelo tsa thekenikono tsa thekenoloji tsa lefelo le lerileng la thekenoloji jk. eleketoroniki, le ka didiriswa tse lenaneo la DACST le ka di bayang foo gore di dirisiwe gabedi (ke dithekenikono le dikgwebo tsa SMME). Dithekenikono tsa ntlha go tsena mo lenaneong la TSP di akaretsa Technikon North West ka dikhemikhale, Mangosuthu Technikon ka dikhemikhale, Pretoria Technikon ka eleketoroniki le Free State Technikon ka dimetale/ tlaleletso ya boleng. Mo ngwageng wa 2000, bosetlabošweng ba akareditse Peninsula Technikon ka diaparo, Vaal Technikon ka Dikhompositi le Port Elizabeth Technikon ka dikarolo tsa dikoloi: boenjiniri jwa mekhenikale.
Lenaneo leno le lebeletse thata go oketsa boleng jwa ditlamelo tse di gona tsa selegae tse bontsi jwa tsona bo fitlhelwang mo lephateng la temothuo. Ke ka moo bontsi jwa diporojeke bo lebeletseng go fetola ditlhagiswa tsa tlhago tsa diruiwa, ditlhagiswa tsa dimela mmogo le dijo tsa tlhago. Ditlhagiswa tse go solofetsweng fa di tla tlhagisiwa mo diporojekeng tseno di setse di bonetswe mebaraka e e rileng e e emetseng ditlhagiswa tsa maemo a a kwa godimo. Diporojeke tsotlhe di rulagantswe gore di tswelele ka mokgwa wa keetane ya boleng, e e tlhamilweng ke go mela, go fetolelwa, go tsenya boleng mmogo le go rekisiwa ga setlhagiswa. Go feta moo, thulaganyo e dirilwe ka mokgwa o o tla netefatsang gore karolo nngwe le nngwe ya keetane e tsenya letseno mme e ka tswelediwa.
Porojeke eno e akaretsa go tlhabolola thekenoloji e e maleba go fetolela ditlamelo tse di gona tsa selegae tsa bayoloji go dira setshotlho sa pampiri se jaanong se fetolelwang mo ditlhagisweng tse di farologaneng tsa pampiri (ditlamelo tsa bayoloji tse di dirisiwang di tla laolwa ke kgaolo). Go akaretsa gape go katisa batho ba ba se nang ditiro go tswa kwa baaging ba ba supilweng mo tirisong ya thekenoloji eno mmogo le go tlhama ditlamelo tsa tlhagiso tsa selegae (difeme tsa go betla) mmogo le go katisa ba ba nang le seabe mo porojekeng gore ba nne le bokgoni jo bo tlhokegang jwa kgwebo gore bokgoni jo bo sa tswang go amogelwa jwa thekenoloji bo fetolelwe go nna dikgwebo tse di tswelang pele.
Maitlhomo a porojeke ke go reka dipoo tsa morafe wa Manguni tse di nang le boleng jwa jenetiki jo bo botoka gore di kgone go phasalalediwa kwa metseng ya selegae go tokafatsa boleng jwa mefuta ya dikgomo koo. Phasalatso eo e tla dirwa ka thuso ya Mafapha a Temothuo a diporofense tsa Bokone le Kapa Botlhaba. Porojeke eno e lebeletse go rarabolola bothata jwa go ja mmogo le ditlhokego tsa ikonomi ya metse magae e e tlhaelang thata go fitlhelela ditlhokego tsa loago le tsa ikonomi tse di golang ka lebelo mo mafelong ano.
Maitlhomo a Lephata leno la bokaedi ke go tshegetsa maitlhomo a bosetšhaba le dintlha tse di tlang pele ka go tshwaraganela ditiro tsotlhe tse di welang mo lephateng la saense le thekenoloji.
go tlhola kitso mmogo le go e phasalatsa; le go phasalatsa saense le thekenoloji ya Afrika Borwa go ralala lefatshe.
Go tlhamiwa ga Komiti ya Tirisano ya Saense le Thekenoloji e e itsegeng jaaka SATCCOM. Komiti e akaretsa mafapha otlhe a a maleba a puso mme maitlhomo magolo a yona ke go rotloetsa le go gokaganya saense le thekenoloji kwa legatong la puso la botsamaisi.
Go tlhabololwa ga Manuale wa Tsamaiso o o dirisediwang go tsamaisa Tirisano ya Sebedi ya boditšhabatšhaba ya Saense le Thekenoloji. Maikaelelo a manuale ono ke go tshegetsa go tsenngwa tirisong ga Pholesi ya Tirisano ya Sebedi ya boditšhabatšhaba ya Saense le Thekenoloji.
Go tlhabolola "botlhale" mo mererong e e amanang le tirisano ya boditšhabatšhaba. Go sekaseka bokgoni jwa Afrika Borwa jwa patlisiso le tlhabololo mmogo le go nna le seabe mo go tsa saense le thekenoloji le ditheo tsa boditšhabatšhaba tsa bontsi. Maikaelelo a tshekatsheko ke gore e thusa DACST mmogo le mafapha a mangwe a a maleba mo go tlhabololeng mekgwa le maano a a tshwanang a saense le thekenoloji go itepatepanya le ditheo tseno. Ga jaana lephata leno la bokaedi le rulaganya tshobokanyo kakaretso e e ka ga seabe sa mafapha a diporofense mo patlisisong le tlhabololo ya bosetšhaba mmogo le seabe sa ona mo mererong ya boditšhabatšhaba.
Mo pakeng ya go tloga ka Ferikgong 2000 go ya go Mopitlwe 2001, lephata leno la bokaedi le simolotse le go netefatsa gore go saeniwa ditumelano tsa sebedi tsa tirisano ya saense le thekenoloji le Repaboliki ya Islamic ya Iran, Nigeria mmogo le Cuba. Go nnile gape le di puisano le dinaga tse di nang le bokgoni jwa go ka nna balekane di le 22, go akarediwa Australia, Japan, Spain, Norway, Brazil le Senegal.
Letlole la Komiti ya Ditumelano tsa Saense le Thekenoloji le le itsegeng jaaka STAC. Fa e sale e tlhomiwa ka ngwaga wa 1996, Komiti ya Ditumelano tsa Saense le Thekenoloji e sa le e tloga e ntse e dirisa dikantoro tsa yona tsa FRD (e ga jaana e bidiwang NRF) go tsweletsa ditumelano tsa mafapha tsa Saense le Thekenoloji mmogo le ditiro tsa bontsi. Mo pakeng ya go tloga ka Ferikgong 2000 go ya go Mopitlwe 2001, tekanyetsokabo ya Komiti ya Ditumelano tsa Saense le Thekenoloji e fetile dimilione di le R9 mme e diretse ditumelano di feta 27 tsa sebedi le tsa bontsi.
Letlole la Lenaneo la Lead. Letlole leno le tlhomilwe go tsweletsa tirisano e e ntseng e tsweletse ya boditšhabatšhaba mo mererong ya bayothekenoloji, dimateriale tse dintšhwa, thekenoloji ya tshedimosetso le tlhaeletsano, tsamaiso ya tikologo, tlhabololo ya metsemagae mmogo le ntšhwafatso ya metsesetoropo. Mo legatong la ntlha 1999 - 2001, Letlole la Lenaneo la lead le atlegile go ngokela tshegetso ya boditšhabatšhaba ya dipatlisiso le tlhabololo mme gape la tlhoma selekane se se tiileng magareng ga dikhansele tsa saense tsa Afrika Borwa le CIRAD France, ALCOA USA, Rolls Royce United Kingdom mmogo le IVL Sweden magareng ga tse dingwe.
Lenaneo la kgaolo la Saense le Thekenoloji. Lenaneo leno le tlhomilwe go thusa go rotloetsa tirisano ya saense le thekenoloji magareng ga Afrika Borwa mmogo le dinaga tse dingwe tsa SADC mmogo le go rotloetsa tirisano magareng ga ditheo tsa Afrika Borwa gammogo le balekane ba kwa SADC le Afrika ka maitlhomo a go rotloetsa bokgoni mmogo le tlhabololo ya ditlamelo tsa dipatlisiso le tlhabololo. Ditlhokego tsa pele tse di supilweng mo Lenaneong la kgaolo la Saense le Thekenoloji di akaretsa tsamaiso ya metsi, kgotlhelego ya go ralala melelwane, thekenoloji ya dijo, thulaganyo ya kitso ya tlholego, thekenoloji ya tshedimosetso le tlhaeletsano, tsamaiso ya mmu, HIV/AIDS, jalo le jalo. Mo legatong la ntlha (2000 - 2003) la Lenaneo leno, DACST e amogetse ditshitshinyo tsa diporojeke di ka nna 80 mme mo go tsona, di le robedi di amogetse thotloetso ya matlole.
Patlisiso ya SAFARI 2000 ya bakgotledi go ralala kgaolo ya SADC ka kgwedi ya Phatwe 2000.
Porojeke eno e ne e akareditse balekane ba boditšhabatšhaba, go akarediwa baitseanape ba saense go tswa kwa dinageng tse e leng ditokololo tsa SADC.
Lephata la bokaedi: Saense le mekgatlho le ipeile mo marakanelong a saense, boenjiniri mmogo le thekenoloji, le mekgatlho. Maitlhomo magolo a lona ke go rotloetsa temogo ya baagi, lerato, tshekatsheko ka leitlho le lentšhotšho mmogo le go tlhaloganngwa ga saense, boenjiniri le thekenoloji ka diporojeke tse di rulagantsweng sentle mme di tsamaisiwa ka tolamo. Go rulagantswe ditiro tse di nang le ponelopele di le mmalwa tse di tla tlhokang gore baagi ba nne le seabe se segolo tota. Thulaganyo eno e dirilwe ka tsamaiso ya patlomaikutlo mme e tla tsenngwa tirisong ke lephata leno la bokaedi ka tirisanommogo le diporofense di le robongwe, mekgatlho e le mmalwa ya Saense, boenjiniri le thekenoloji mmogo le ditlhopha tse dingwe tse di nang le kgatlhego.
Beke ya SET e supile fa e le letlhagola tsela le maitlhomo a lona e leng go lemosa setšhaba ka ga Saense, Boenjiniri le Thekenoloji. Katlego e e bonweng ke Ngwaga wa Saense le Thekenoloji ka ngwaga wa 1998 e e neng e itsege ka YEAST '98, e nnile motheo o o dirisitsweng ke Lefapha go tswelela go rotloetsa setšhaba go lemoga dintlha tse di ka ga Saense, Boenjiniri le Thekenoloji. Leano la go tsenya tirisong Beke ya SET le ikaegile mo thulaganyong ya dingwaga di le tharo mme diporofense di le tharo di tla tshwara beke ya SET mo ngwageng mo sebakeng seno. Diporofense tse di neng di tshwere Beke ya SET mo ngwageng wa 2000 e nnile Porofense ya Bokone Bophirima, Kapa Bophirima mmogo le Kapa Bokone. Mo ngwageng wa 2001 e nnile KwaZulu-Natal, Kapa Botlhaba mmogo le Porofense ya Bokone; mme mo ngwageng wa 2002 gona e tla nna Gauteng, Free State mmogo le Mpumalanga. Leano leno le botlhokwa tota ka ntlha ya fa le letla gore go dirisiwe ditlamelo tse di tlhaelang tseno ka botlalo.
Moono wa porojeke eno ke "Go isa Saense, Boenjiniri mmogo le Thekenoloji kwa bathong ba rona". Go lebilwe thata thulaganyo ya kitso ya tlholego, katoloso ya go fitlhelela batho ba ba kwa thoko ka saense, boenjiniri mmogo le thekenoloji, mmogo le go aga selekane le baagi ka saense, boenjiniri le thekenoloji. Go ne go lebeletswe gore go fitlhelelwe baithuti, barutabana, basadi, baagi ba kwa metseng ya magae mmogo le baagi ka kakaretso.
Porojeke e tsweletse go tloga ka 20 - 25 Mopitlwe 2000 le gape go tloga ka 5 - 10 Mopitlwe 2001.
Mogopolo wa Kampa ya Bosetšhaba ya Saense le Thekenoloji ya Basetsana ke go netefatsa gore ba rotloediwa le go tlholelediwa pele ga ba ka fitlha fa seemong se se masisi sa gore ba tlhophe se ba eletsang go se dira mo isagong. Ka ngwaga wa 2000, dikampa di ne di le kwa ditheong tse tharo ka nako e le nngwe. Diporofense di le robongwe di ne di kgaogantswe go nna dikarolo di le tharo mme porofense e le nngwe e ne e amogela baeng. Diporofense tse di amogetseng baeng di akareditse Free State, Kapa Botlhaba mmogo le Mpumalanga. Basetsana ba ba neng ba tlhomilwe leitlho mo dikampeng eno e ene e le ba go tloga ka mophato wa Grata ya 6 go ya go 10. Go ne go na le basetsana ba le 270 (ba le 30 go tswa kwa porofenseng nngwe le nngwe) le barutabana ba le 18 (banna le basadi mme porofense nngwe le nngwe e ne e emetswe ke ba le babedi) ba ba neng ba na le seabe mo porojekeng eno.
Baetleetsi ba Kampa ya Basetsana ya 2000 ba akareditse Telkom le Eskom. Molekane wa DACST mo go tsenyeng tirisong Kampa ya Basetsana ya 2000 e ne e le PROTEC.
Lephata la Bokaedi le simolotse dithulaganyo di le mmalwa go siamisa tlhaelo e e kwa godimo ya Basadi mo mererong ya Saense le Thekenoloji.
DACST e tlhomile setlhopha sa tiro se se bopilweng ke botlhe ba ba nang le kgatlhego go simolola Setlhopha sa Tshupetso sa Basadi ba ba leng mo go tsa Saense le Thekenoloji. Setlhopha sa Tshupetso se tla laola ditlhokego tsa pele tsa dipatlisiso mmogo le tsereganyo ya mananeo a a tla fokotsang dikgwetlho tse di gatelelang go ya ka bong mo lephateng la Saense le Thekenoloji. Seno se tla nna le mosola tota mo go tsenyeng tirisong dipholesi tsa tlhabololo ya badiri tsa puso. Setlhopha sa Tshupetso gape se tla nna le seabe sa go ngoka le go phasalatsa go netefatsa gore ditlamelo tse di lekaneng di fetisediwa mo mererong ya dipatlisiso le tlhabololo tse e tla reng kwa bofelong di lebise kwa go tokafatseng boleng jwa matshelo a basadi. Ga jaana go tshwaraganwe le matsapa a go lebelela dipatlisiso le go tlhabolola molaotheo wa Setlhopha Sa Tshupetso.
Dipatlisiso tsa saense di tshwanetse go phasaladiwa ka mokgwa o o nang le bokgoni go gaisa go ya kwa baaging ba ba farologaneng le kwa bathong ba ba nang le kgatlhego ka ntlha ya mabaka a a rileng - e ka nna go sedimosetsa, go kopa tirisanommogo, tirisano, tshegetso, tlhokego ya tlhaloso, go lemosa batho, go ngoka ditsibogo, j.j. Maitlhomo a porojeke eno ke go rotloetsa phasalatso ya tiro ya saense ke baitseanape ba saense mmogo le batlhankedi ba tshedimosetso ya setšhaba, ka mokgwa o o rulaganeng le o o tsamaisiwang ka mokgwa o o tla kgontshang gore melaetsa e fetisediwe kwa bathong ba e ba lebaneng sentle. Go netefatsa gore go latelwa maitlhomo a go netefatsa gore baagi ba tlhaloganya Saense, Boenjiniri le Thekenoloji, go tshwarwa workshop ya letsatsi le le lengwe ya Togamaano ya Tlhaeletsano ya Saense le Bokgoni jwa bobegakgang.
Di-Workshop tseno ke tsa mofuta wa tsona di le nosi mo Afrika Borwa mme di tla ka nako e e botlhokwa tota e ka yona go bulelwang setšhaba dikgoro mo go tsa Saense le Thekenoloji. Go tshwerwe di-workshop di le thataro tse di neng di direlwa dikhansele tsa saense, diyunibesithi mmogo le ditheo tsa parastatal mo Afrika Borwa.
Mo ngwageng wa Saense le Thekenoloji go ne ga tlhomiwa kabo ya Dikgele tsa Bobegakgang jwa Saense le Thekenoloji, e le porojeke e e neng e tshwaraganetswe ke dikhansele di le robedi tsa saense mmogo le Lefapha la Botaki, Setso, Saense le Thekenoloji (BSST).
Go rotloetsa babegakgang go bega ka ga saense le thekenoloji mmogo le go tlotlomatsa babegakgang ba ba nang le seabe se se gaisang mo lephateng leno.
Go lemosa babegakgang le setšhaba gore saense le thekenoloji di tswelela go re naya diphitlhelelo tse di ntšhwa tsa dipatlisiso tse di supang dikgonagalo tse di rileng tse gape di ka amang matshelo a rona a letsatsi le letsatsi.
Go tloga ka ngwaga wa 1998, go nnile le maphata a le supa, go akarediwa kuranta ya tlholego ya bosetšhaba, kuranta ya setšhaba, kuranta e e begang tse di rileng, kgang e e gaisitseng mo mofuteng mongwe le mongwe wa bobegakgang, lenaneo le le gaisitseng la waelese gongwe tshwaelo mo lenaneong la radio, lenaneo le le gaisitseng la thelebišene gongwe tshwaelo mo lenaneong la thelebišene mmogo le tshwaelo e e gaisitseng mo phasalatsong ya badirisi, go akarediwa le dimakasini. Go itsisitswe dikgele tse dingwe di le pedi fa gautshwane, mme tsona ke tsa tshwaelo e e gaisitseng ya puo ya tlholego mmogo le e e tlotlwang go gaisa. Sekgele sa kakaretso se gapilwe ke kuranta ya Mail & Guardian ka ngwaga wa 1999 mme ka ngwaga wa 2000 ya nna Financial Mail.
Thuto ya botlhokwa e re ithutileng yona ka ngwaga wa 1998 ke ya gore waelese ke sediriswa sa mmakgonthe, bogolo segolo fa o ikaelela go fitlhelela baagi ba kwa metseng ya magae. Go tlhagisitswe mananeo a saense a le 10 ke Lephata la Saense le Mekgatlho mmogo le waelese ya SABC mo pakeng ya magareng ga Ngwanaatsele 2000 le Ferikgong 2001. Mananeo a gasitswe ka kgwedi ya Tlhakole 2001 ka maleme a le robongwe a tlholego. Diteng tsa mananeo di ne di ikaegile thata ka ditiro tsa lephata la tona mmogo le lekala la Saense le Thekenoloji. Tlhagiso ya mananeo ano e jele milione wa diranta. Go tlaleletsa mo mananeong ano, Lephata la Bokaedi la Saense le Mekgatlho le golagantse lekala la Saense le Thekenoloji le dikhansele dingwe tsa dipatlisiso, jaaka CSIR, ARC le NRF, ka mananeo a mahala a a rebotsweng ke Lesedi FM, Motsweding FM mmogo le Ukhozi FM.
Nngwe ya dikgele di le mmalwa tse lephata la bokaedi le nang le seabe mo go tsona, ke sekgele se se amoganwang sa Tlhaeletsano e e Gaisang ya Saense se se abilweng kwa Dikgaisanong tsa Makgaolakgang a Bosetšhaba tsa Dipontsho tsa Baitseanape ba Saense ba Bašwa tsa 1999. Kabo eno ya dikgele ya ngwaga le ngwaga ga e thuse fela ka go rotloetsa tlhabololo ya megopolo ya saense mo bašweng ba rona, mme e tswelela gape go rotloetsa go amogana kitso ya saense. Sekgele seno se tla abiwa ngwaga le ngwaga mo sebakeng sa dingwaga di le 10 tse di latelang kwa Dikgaisanong tsa Makgaolakgang a Bosetšhaba tsa Dipontsho tsa Baitseanape ba Saense ba Bašwa. Ditlhopha tse pedi tsa ntlha go amogela sekgele seno di tswile kwa Mpumalanga le kwa Porofenseng ya Bokone Bophirima.
Fa go lebelelwa sentle, ditiragalo tsa ngwaga wa 2000 tsa lephatapotlana la bokaedi di ne di lebeletse thata tsereganyo ya semolao gore go kgone gore go fitlhelelwe maitlhomo a a reboletsweng thulaganyo ya Tshedimosetso ya Meta mmogo le tsamaiso.
Dintlha tse di amanang le go tsenya tirisong Molao wa Laeborari ya Difofu ya Afrika Borwa wa 1998, mmogo le Melawana ya ona ka 1 Motsheganong 2000. Molao ono o lemoga tshwanelo ya batho ba ba nang le mathata a pono ya go fitlhelela tshedimosetso.
Melawana ya Molao wa Depositi ya Molao wa 1997, e ne ya tlhabololwa go tlhalosa sentle ditlhokego tebang le depositi ya molao ya dikwalo tsa kutlopono.
Pegelo ya tswelelopele tebang le tirelo ya dilaeborari le tshedimosetso mo Afrika Borwa jaaka e rebotswe ke MINMEC ka letlha la 24 Phatwe 1999 mme e phasaladitswe ka kgwedi ya Ferikgong 2000. Pegelo e tlhalosa ka moo molaotheo o amang tsalano ya porofense le puso ya bosetšhaba tebang le merero ya dilaeborari le tshedimosetso, go supa dintlha tsa pele mmogo le tiriso e e botlhale ya ditlamelo tse di tlhaelang, mmogo le go tokafatsa kelo ya kemonokeng mo go neelaneng ka tirelo ya dilaeborari le tshedimosetso.
Lefapha le tsamaisitse thulaganyo eno go sedimosa dintlha tebang le tlhabololo ya melao e mešwa ya diporofense e e ka ga go tlamela baagi ka ditirelo tsa dilaeborari le tshedimosetso. Seno se ne se le botlhokwa go kgontsha go dira gore melao ya diporofense e lepalepane le Mametlelelo 5, Karolo A, ya Molaotheo wa Repaboliki ya Afrika Borwa, e e tlhalosang gore "dilaeborari tse e seng Dilaeborari tsa Bosetšhaba" ke maikarabelo a a lebaganeng le melao ya porofense.
Lekwalokgang la tiro la Meta-Info bulletin, le le phasaladiwang gangwe ka kwatara, le na le maitlhomo a go phasalatsa tshedimosetso ka ga ditiro tsa lephatapotlana la bokaedi mmogo le dintlha tse di ka ga tshedimosetso ya Meta ka kakaretso. Web site ya lephatapotlana la bokaedi e atolositswe le go tlhabololwa mme go tlaleleditswe ka diteng tsa diphasalatso tse di farologaneng.
Lephata la bokaedi la Kgokaganyo ya Saense le Thekenoloji le tlhamilwe go gokaganya ditiro tsa Lekala.
Maitlhomo a lona a akaretsa go gokaganya ditshwaelo tsa DACST go nna diporojeke tsa mafapha, dipegelo le dikomiti tsa seemo se se kwa godimo di tshwana le Komiti ya Ditlhogo tsa Dikhansele Tsa Saense mmogo le go thusa dikomiti tsa mofuta ono ka tirelo ya bokwaledi fa go tlhokega. Bokwaledi jwa Khansele ya Kgakololo ya Bosetšhaba ya Tlhabololo bo akarediwa mo lephateng leno la bokaedi.
Lephata la Bokaedi le gokagantse ditiro tsa leano la kgwebo la lekala.
Go tlhokomela diporojeke le ditlhabololo tsa thulaganyo ya pholesi ya saense le thekenoloji go tsamaisitswe ke lephata la bokaedi ka sekai. Dikopano tsa Pulse Rate, Di-Workshop tsa Togamaano, Kabo ya Dikgele tsa Bosetšhaba tsa Saense le Thekenoloji, dijo tsa mabono tsa maitseboa, mmogo le tsamaiso ya tshegetso ya matlole ya diporojeke tse di rotloetsang tlhabololo ya thulaganyo ya saense le thekenoloji.
Khansele ya Bosetšhaba ya Bogakolodi jwa tlhabololo e nnile le dikopano di le nne mo pakeng ya ngwaga o o begwang. Ka molao, Komiti Khuduthamaga ya yona e kopana gangwe fela ka kgwedi.
Go phasalatsa tekanyetsokabo ya Saense, ka kaelo ya diketelo tsa kwa dikhanseleng tsa saense, tshekatsheko ya dipegelo tsa tsona tsa ngwaga le ngwaga mmogo le dikopano tsa botlhokwa.
Tshekatsheko ya Thulaganyo ya Bosetšhaba ya Tlhabololo ka go tshwara workshop ("Tlhabololo le Ikonomi ya Kitso" e e neng e kaelwa ke Jim Mullin, moitseanape wa boditšhabatšhaba go tswa kwa Canada).
Patlisiso e e ka ga kgolo le tlhabololo e e tlhakanetsweng le NSTF. Patlisiso eno e ne e ikaegile ka megopolo ya tlhotlheletsano magareng ga kgolo ya ikonomi, saense, thekenoloji mmogo le badiri.
Lenaneo leno le tlamela Lefapha ka tsamaiso ya badiri, tshedimosetso ya thekenoloji, tshireletso, dikantoro le tirelo ya molao.
Botsamaisi jwa badiri bo tsibogetse dikgwetlho le diphetogo tse di tlisitsweng ke letlhomeso le lentšhwa la tirelo ya tsamaiso ka go fetola mogopolo go tswa mo mokgweng wa go lebelela melawana go ya go o montšhwa wa go lebelela ditirelo. Seno se kaya gore go lebelelwa thata ditlamorago, dipholo mmogo le go tlhama boleng ka go dirisa Melawana ya Tirelo Setšhaba mmogo le White Paper e e buang ka dintlha tsa badiri.
Go tlhabolola dithulaganyo tsa tsamaiso ya badiri le mekgwa e e kgontshang gore maitsholo a badiri a lepalepane le moono wa lefapha.
Go tlhabolola leano la katiso le tlhabololo le le tlamelang ka bokgoni jwa go diragatsa moono.
Dithulaganyo tsa tsamaiso ya badiri tse di rulagantsweng seswa di tshwanetse go lepalepana le diphetogo.
Go tlhamilwe mekgwa ya go netefatsa gore badiri ba ba botlhokwa mo katlegong ya Lefapha ga ba ye gope.
Go tlhamiwa ga thulaganyo ya National Automated Archival Information Retrieval System (NAAIRS). Seno se kgonagetse ka porojeke ya tirisanommogo e e neng e akaretsa SITA le lefapha. Seno ke phitlhelelo ya thekenoloji e e fitlheletsweng ke Lephata la Bosetšhaba la Diakhaefe le e leng lona le eteletseng pele thulaganyo ya puso ya eleketoroniki (e-government), e leng go tlamela ka ditirelo tsa setšhaba ka tiriso ya internet.
Go tlhamilwe banka ya tshedimosetso ya Kabo ya Dikgele tsa Technology Top 100 mmogo le Sekgele sa Moporesidente sa Phitlhelelo ya Thomelontle. Go nnile le thulaganyo ya tshekatsheko le ditlamo tse di farologaneng mme ditlamorago tsa tshekatsheko eo di beilwe kwa bankeng ya tshedimosetso. Dipegelo tse di tswang mo bankeng ya tshedimosetso di phasaladitswe mo kuranteng ya Business Day.
Go nnile le ditlhabololo tse dikgolo tebang le go tsenngwa tirisong ga kelelo ya tiro mmogo le porojeke ya tsamaiso. Diphetogo tsa tsamaiso ya kgwebo tse di tlhagelelang di tsenngwa mo thulaganyong ya kelelo ya tiro nako le nako.
Go tsenngwa tirisong ga mekgwa e e tiileng ya tshireletsego go kgontsha tlhokomelo ya tshedimosetso le dikwalo.
Go tlamela ka tirelo ya tshegetso ya tshireletsego kwa ditirong tsa bosetšhaba di tshwana le Letsatsi la Kgololesego, Letsatsi la Ngwao Boswa mmogo le go tlhomiwa ga Mandela Museum.
Go sa akarediwe ditirelo tsa botsamaisi bogolwane.
Yuniti ya Tlhaeletsano ya Ditheo e nnile teng ka ntlha ya go tsenngwa tirisong ga Lenaneo la Lefapha le le Lotaneng la Tiragatso le le itsegeng ka IIP. Thulaganyo eno e dirile gore go kopanngwe lephata la bokaedi: Tlhaeletsano le Lephatapotlana la bokaedi: Tsamaiso ya ditiro.
Lephata le legolo la Bokaedi le ikaelela go rekisa, go godisa mmogo le go phasalatsa seabe sa Lefapha, Tona le Motlatsa Tona, mo nageng le kwa ntle ga naga.
Go tshwaraganya ditiragalo tse di kailweng fa godimo tsa tlhaeletsano le go loga maano, go gokaganya mmogo le go tsamaisa ditiragalo.
Fa go tlhomiwa ga Yuniti ya Tlhaeletsano ya Ditheo go tshwanetse go ela tlhoko ditlhokego tsa Lefapha tebang le Lenaneo le le Lotaneng la Tiragatso, go tshwanetse gape go ele tlhoko ditshitsinyo tsa COMTASK tse di ka ga go rulaganya sešwa tiro ya tlhaeletsano ya puso ka kakaretso. (COMTASK e ne e le setlhopha sa tiro se se neng se tlhomilwe ke Motlatsa Moporesidente wa maloba ka ngwaga wa 1995 go sekaseka le go dira dikatlenegiso tebang le Tlhaeletsano ya Puso).
Thulaganyo sešwa e simolotse ka ngwaga wa 1999, mme e weditswe ka ngwaga wa 2000 fa go sena go rebolwa Leano la Tsamaiso la Yuniti ya Tlhaeletsano ya Ditheo.
Go ne kwa bofelong ga rebolwa gore Yuniti ya Tlhaeletsano ya Ditheo e dirwe go ya ka kaedi e e rebotsweng ke GCIS (e ikaegile ka dikatlenegiso tsa COMTASK) mmogo le ditlhokego tse di fitlhelwang mo IIP.
Popego eno e atlenegisa gore go nne le lephata la Bokaedi: Tlhaeletsano le Lephatapotlana la Bokaedi: Tsamaiso ya Ditiro, otlhe a ikarabela kwa go Mokaedi Mogolo: Tlhaeletsano ya Ditheo, yo ene e leng tlhogo ya Yuniti.
go loga maano a tlheletsano a ditiro tseo; le go tlhagisa ditlhagiso tse di maleba go tshegetsa tiro ya tlhaeletsano.
Malatsi a boikhutso a Setšhaba jk.
Diporojeke tse di kgethegileng.
Mo pakeng e e sekasekwang eno, Lefapha le rwele maikarabelo a diporojeke di le dintsi tse di farologaneng, tse Yuniti e thusitseng mo go tsona ka dithulaganyo tse di tlhokegang tsa bobegakgang mmogo le tsamaiso ya ditiro.
Tiro ya Lephata leno e akareditse go ntsha dipegelo, go laletsa bobegakgang, go rulaganya di puisano tsa waelese le thelebišene, go tsenya dikgang mo makwalokgannyeng mmogo le go rulaganya tshedimosetso ya babegakgang.
Konsarata ya Badiragatsi ba ba nang le bogole mo mebeleng, Durban, 25 Ngwanaatsele 2000.
Go ketekwa ga meletlo ya Letsatsi la Basadi, Letsatsi la Ngwao Boswa mmogo le Letsatsi la Kgololesego go ngoketse bobegakgang e le ruri mme go nnile le dipego ka tlhamalalo ka bobegakgang jwa eleketoroniki le jwa dikuranta. Lephata Legolo la Bokaedi le kgonne go tlhotlheletsa bobegakgang sentle tota ka nako ya ditiragalo tseno.
Go na le maiteko a go tswelela go aga botsalano le bobegakgang ka go kopana gangwe le gape.
Lephatapotlana la Bokaedi le tsamaisitse gongwe le thusitse mo ditiragalong di le mmalwa tse di neng di le kwa metsesetoropong le kwa metsemagaeng.
Dingwe tsa ditiragalo tseno di tlhoka go nopolwa. Letlha la go bulwa ga Musiamo wa Nelson Mandela le welane le segopotso sa ngwaga wa bolesome Moporesidente wa maloba, Nelson Mandela a golotswe kwa kgolegelong. Tiragalo e diragetse kwa mafelong a le mararo, ona e nnile Mveso (kwa legaeng la ga Nelson Mandela), Qunu (moletlo wa go ribolola lekwete la Tikwatikwe ya Baswa le Ngwao Boswa ya Nelson Mandela), le Umtata (Musiamo le kago ya Bhunga). Tiro ya kwa Umtata e ne e thologetswe ke batho ba fopholediwa go 30 000, se se kayang gore go fitlheletswe palo e e kwa godimo ya baagi ba Afrika Borwa.
Kaedi ya Botaki, Setso le Ngwao Boswa, e e leng phasalatso ya ngwaga le ngwaga e godisa le go bontsha botaki, setso le ngwao boswa ya Afrika Borwa mo nageng le kwa ntle, mme e akaretsa lenaane la meletlo, ditiragalo tsa botaki, setso mmogo le ngwao boswa gammogo le mafelo a a kgatlhisang. Go phasaladitswe dikhopi di le 3 000 tsa Arts 2000 mahala mme di filwe ditheo tse di farologaneng, mafapha a puso, diembasi, le mekgatlho ya botaki, setso le ngwao boswa. Batlhagisi ba lekwalokgang la Mail & Guardian ba phasaladitse phasalatso eno gore e rekisiwe kwa marekelong a dibuka go ralala naga. Dikolo tse dikgolo mmogo le baithuti ba ba ithutelang tsa bojanala ba amogetse dikhopi tsa mahala.
National Aeronautics & Space Administration (NASA) ya kwa Amerika, e tlhabolotse MOBLAS-6 mme ya e rebolela Afrika Borwa. NASA e ne ya kopa Lefapha la Botaki, Setso, Saense le Thekenoloji (DACST jaaka le itsege) go thusa ka matlole a go tlhoma le go kgontsha MOBLAS-6 go dira kwa HartRAO, go ya ka dipuisano tsa kwa Khomišeneng ya Dinagapedi ya US-SA. Seabe sa DACST e ne e le go thusa go tlamela ka matlole le go rulaganya tlhomo kwa HartRAO ka letlha la 20 Ngwanaatsele 2000. Lephatapotlana la Bokaedi la Tsamaiso ya Ditiro le ne le rwele maikarabelo a go rulaganya tiragalo yotlhe.
Tiragalo e nngwe e e nnileng botlhokwa mo bathong ba ba amanang le tsa saense mo Afrika Borwa e nnile moletlo wa go ribololwa ga lekwete kwa setsheng se se beetsweng leitlho go tlhoma Southern African Large Telescope (SALT) kwa Sutherland ka letlha la 1 Lwetse 2000. Afrika Borwa mmogo le balekane ba boditšhabatšhaba, ba ikaelela go aga SALT, e leng thelesekopo ya 10m ya bolepagodimo. SALT e e dirwang go ya ka tlhamo ya Hobby-Eberly Telescope (HET), e e sa tswang go swediwa fa gautshwane kwa McDonald Observatory kwa Texas, e tla tlamela Afrika Borwa le balekane ba yona ka go fitlhelela Thelesekopo e le nngwe e e nang le maatla a a boitshegang mo Hemibolong ya Borwa. Phitlhelelo ya saentifiki ya SALT e tla katologa go tswa mo go sekasekeng dipolanete tse di mo dinaleding tse di mabapi go ya go patlisiso ya dilo tse dingwe tse di kgakala tota tsa lefatshe.
Seabe sa Lefapha e ne e le go thusa ka matlole le go rulaganya moletlo wa go ribolola lekwete la SALT. Lephatapotlana la Bokaedi la Tsamaiso ya Ditiragalo le ne le tlhokometse thulaganyo go lebeletswe dithulaganyo tse di tlwaelegileng di tshwana le go tlhokomela go fetisiwa ga matlole, ditaletso, diyamaleng, porotokolo, thulaganyo ya dipalangwa mmogo le lenaneo.
Kopano e ne e le maiteko a Lephata la Bokaedi la Botaki le Setso la Boditšhabatšhaba le le mo Lekaleng la Botaki le Setso go rotloetsa tirisanommogo magareng ga Afrika Borwa le Kgaolo ya Borwa jwa Afrika. E ne e le lantlha dinaga le diporofense di nna le tshono ya go bua ka ga dintlha tse di tlhakanetsweng, moo go kgonnweng go amogana dikakanyo mme la ntlha go dumelanwe ka dintlha dingwe tse di tla lebisang kwa dithefosanong tsa sebedi magareng ga dinaga le diporofense tsa Afrika Borwa mmogo le baagisani ba bona.
Kopano e diragetse go tloga ka 20 -25 Phukwi 2000 kwa Dikhololo kwa Brits, kwa Porofenseng ya Bokone Bophirima. Lephatapotlana la Tsamaiso ya Ditiragalo le rulagantse khonferense mme la rwala maikarabelo a dithulaganyo morago fela ga gore balalediwa ba goroge mo Afrika Borwa. Go ne go rulagantswe lenaneo la setso ka di 22 le 23 tsa Phukwi. Diketelo kwa mafelong a setso di akareditse mafelo a tshwana le Dikgaga tsa Sterkfontein, konsarata ya setso, mmogo le go etela kwa Gold Reef City.
Lefapha le ne le le mo maemong a mantle mme gape le na le bokgoni jwa go nna le seabe mo magatong otlhe a puso e leng a bosetšhaba, kwa diporofenseng mmogo le kwa pusoselegaeng ka go dirisa Yuniti ya Tlhaeletsano.
Maitlhomo magolo a Lephata la Bokaedi ke go laola tšhelete ya puso mmogo le dithoto tsa puso gammogo le go tsenya tirisong dithulaganyo tse di siametseng ikonomi le bokgoni mo letlhomesong la taolo ya pholesi ya Molao wa Tsamaiso ya Matlole a Setšhaba wa 1999, Molawana wa Lephata la Matlotlo, Pholesi ya Preferential Procurement mmogo le Molao wa Botho ya Dithendara ya Puso.
Lephatapotlana la Bokaedi le thusa Motlhankedi wa Mmalamatlotlo le batsamaisi ba mananeo ka tshedimosetso ka ga matlotlo mmogo le ditlamelo, tshedimosetso ya tekanyetsokabo mmgo le ditshenyegelo tsa tsamaiso mmogo le Treasury le Palamente. Gape Lephatapotlana leno la Bokaedi le tsamaisa tiriso ya matlole ya Lefapha mme le ntse le tlhokometse motsamao wa ditšhelete go tswa kwa Lefapheng le ditheo tse di amanang le lona mme le begela Kabinete ka tiriso ya Thulaganyo ya go Tsibosa ka bonako. Mo tsamaong ya ngwaga wa 2000, Lephata leno la Bokaedi le tsere dikgato tse di maleba go netefatsa gore go tsenngwa tirisong PFMA ka mokgwa o o tshwanetseng.
Maikaelelo a Lephatapotlana leno la Bokaedi ke go tlamela ka ditirelo tse di bokgoni tsa tsamaiso ya matlole go batlhankedi botlhe ba Lefapha. Le tlamela gape ka ditlhokego tsa bona tsa katiso tsa tsamaiso ya matlole ka kakaretso. Le netefatsa gape gore go nna le tekatekano ya lotseno le ditshenyegelo mme e tlhagisa dipegelo tsa seno mo ngwageng wa ditšhelete go ya ka sedika sa tekanyetsokabo ya ngwaga. Mo tsamaong ya ngwaga wa 2000, Lephata leno la Bokaedi le tsere dikgato tse di maleba go netefatsa gore go tsenngwa tirisong PFMA ka mokgwa o o tshwanetseng.
Maikaelelo a Lephatapotlana leno la Bokaedi ke go senkela batlhankedi ba lefapha dithoto le ditirelo tse di tla ba kgontshang go tsweletsa ditiro tsa bona mo tikologong ya tiro e e siametseng tiro ya bona.
Maitlhomo a Lephatapotlana ke go rotloetsa tiriso e e bokgoni ka go somarela ditlamelo tse di gona. Go fitlhelela seno, le ikobetse dikaelo tsotlhe tse di rebotsweng ke ditheo tse di farologaneng tsa taolo, jaaka, Lefapha la Ditshenyegelo tsa Puso, Boto ya Dithendara ya Puso mmogo le Moruni-Kakaretso, gammogo le dikaedi tse dingwe tsa lefapha tse di rebolwang nako le nako.
Lephatapotlana la Bokaedi le dira gape jaaka mogokaganyi wa batlhankedi botlhe, le ba gakolola ka ga go fitlhelela dithoto le ditirelo, go bona dithendara tsa dithoto le ditirelo ka go dirisa Komiti ya Lefapha ya Dithendara, mmogo le go amogela go sutisa gongwe go amogela gape tiriso ya dithoto tse di kgonang go sutisiwa tsa puso (fanetšhara, didiriswa mmogo le ditlamelo tse di fokotsang badiri) ka go dirisa Boto ya Ditshutiso.
Mo ngwageng wa 2000, Lephatapotlana la Bokaedi le fetogile go tswa go la Thulaganyo ya tsamaiso go ya go thulaganyo ya LOGIS. Go tserwe dikgato tse di maleba go netefatsa gore go tsenngwa tirisong PFMA ka mokgwa o o tshwanetseng.
Mo ngwageng o o fetileng Lephata la Boruni jwa ka fa Gare le thapile mothusa mokaedi mme la tlhama Komiti ya Boruni ya Lefapha go ya ka PFMA le Melawana e e amanang nayo ya Treasury.
Lephata la Boruni jwa ka fa gare le ne le tshwaragane le dipatlisiso tse di farologaneng tsa tlaleletso mme gape le dirile boruni jwa ka gale mo Lefapheng go ya ka leano la tiro ya lephata.
Tlhogo ya Lephata la Boruni jwa ka fa gare e dirile gape jaaka Motlhankedi wa Taolo ya Ditshenyegelo wa Lefapha mo pakeng eno mme a tsamaisa ditshenyegelo tsotlhe tsa ditopotuelo tse di neng di rebotsweng kgatlhanong le Lefapha.
Lephata la Boruni jwa ka fa gare gape le nnile le seabe sa go direla Lefapha tiro ya go gokaganya thulaganyo ya kago seswa ya State Theatre mme gape la gokaganya dipatlisiso tsa forensiki tse di dirilweng mo ditheong tse di rileng tse di amegang gammogo le Diporojeke tse dingwe.
<fn>tsn_Article_National Language Services_LEKWALO LA DIPOTSO LA TSHEKATSHEKO YA BOITEKANELO.txt</fn>
A tshekatsheko eno e tladitswe?
Letlha le e tladitsweng ka lone:...
Mo karolong eno re na le kgatlhego ya go itse ka moo bolwetse jwa gago bo amang bokgoni jwa ya gago jwa go dira mo botshelong jwa gago jwa letsatsi le letsatsi.
Ikapesa, go akaretsa le go funela megala ya ditlhako le go kopela dikonopo?
E ma ka dinao go tswa mo setilong?
Palama le go fologa bolao?
Sega nama ya gago?
Tsholeletsa kopi kgotsa galase e e tletseng kwa molomong wa gago?
Bula khatone e ntšhwa ya mašwi?
Tsamaya kwa ntle mo lefelong le le lekelekaneng?
Tlhatlogela disetepese di le tlhano go ya kwa godimo?
Tse dingwe (tlhalosa)...
Go tlhapa le go iphimola mmele?
Tlhapa mo bateng e kgolo?
Itlhoma le go ikemisa mo ntlwaneng ya boithomelo?
Go fitlhelela le go pagolola selo sa boima jwa 2.25 kg go tshwana le kgetsana ya ya sukiri fa godimo ga tlhogo ya gago?
Inama go sela diaparo fa fatshe?
Bula mabati a sejanaga?
Go bula dijara tse di kileng tsa bulwa?
Bula le go tswala dithepe?
Go ya kwa le kwa le go ya go reka?
Tsena le go tswa mo sejanageng?
Dira ditiro tsa go tshwana le go phepafatsa ka motšhini o o gopang kgotsa tiro ya mo jarateng?
Tse dingwe (tlhalosa)...
<fn>tsn_Article_National Language Services_LENAANE LA DIPOTSO LE DIKARABO LA BADIRI FA BA AMOGELA DIPOTSO KA MOGALA.txt</fn>
Molawana wa 28?
Karabo: Leloko le tlile go tshwanela ke go duelela molato gape le tlile go bewa mo khunologong e e sa duelweng. Khunologo ya bokoa jwa nakwana e tlile go emisiwa.
Potso: Ke mang yo o swetsang ka ga bonnete jwa paka ya bolwetse kgotsa ka ga boitekanelo jo bo lolameng?
Karabo: Thandile o tlile go dira katlanegiso e Ntlokgolo e tsayang tshwetso e ikaegile ka yona.
Potso: Goreng leloko / modiri a tshwanetse go bona moitseanape mabapi le tshekatsheko?
Karabo: Morago ga katlanegiso ya ga Thandile go ya ka pholisi ya DPSA, SAPS e swetsa go ya ka Molawana wa 28 gore modiri o tshwanetse go bona moitseanape mabapi le katlanegiso e e maleba ka ga bokgoni jwa leloko kgotsa go bona kakanyo e nngwe gape- ke pateletso mo makoeng otlhe a bolwetse jwa tlhaloganyo.
Potso: A leloko / modiri o na le tshwanelo ya go ka bona khophi ya dipegelo tsa boitekanelo?
Karabo: Ee, modiri o tshwanetse go kopa ka lekwalo gore Ntlokgolo e rebole khophi ya pegelo. Se, ga se diriwe ka mokgwa wa "Phitlhelelo ya tshedimosetso".
Leloko le tshwanetse go kaya sentle kwa pegelo e tshwanetseng go romelwa kwa teng go sireletsa bofitlha jwa yona.
Potso: Goreng Thandile a sa rebole tshedimosetso?
Thandile. Ke Balaodi ba Kotsi ya Boitekanelo. SAPS e tsaya ditshwetso tsotlhe e bile e tlile gape go rebola tshedimosetso. Ka mokgwa o, bofitlha gape bo a sirelediwa.
Potso Goreng kopo ya khunologo ya bokoa e diriwa fa kotsi e diragetse fa tirong?
Karabo: E diriwa go tlhomamisa fa paka ya tlhokafalo e na le bonnete fa go sekasekiwa maemo a boitekanelo a leloko. E tlile go ama khunologo ya bolwetse, ka mafoko a mangwe fa leloko le tlhokafala lobaka lo lo leele, karolo e e rileng e tlile go nna khunologo ya bokoa fa e nngwe e tlile go nna khunologo ya bolwetse kgotsa khunologo e e sa duelelweng.
Potso: Go diragala eng fa go swediwa gore ditirelo tsa leloko di tshwanetse go busediwa fela leloko le sa boele kwa tirong?
Karabo: Tlhokafalo kwa ntle ga tuelo.
Potso: Go diragala eng fa leloko le tsenya ngongorego kgatlhanong le go kganelwa ga kopo ya lona e e mabapi le bokoa jwa boitekanelo?
Karabo: Fa leloko le tsentse ngongorego e bile le atlegile, leloko le tlile go bona madi a paka ya lona ya tlhokafalo. Fa leloko le sa atlege, le ka se bone madi ape a paka ya tlhokafalo, ntle fa le ka kopa gore tlhokafalo e fetolwe go nna khunologo ya boikhutso.
Potso: Goreng dikitsiso tse di ka ga go dira tumalano ya tshekatsheko di tshwanetse go neelwa leloko ka sebele?
Karabo: Gore go se ke ga nna le go se utlwisesane ka ga nako le letlha la go dira tumalano e bile le go netefatsa gore leloko le itse ka ga go dira tumalano. Fa tumalano e sa obamelwe, modiri o tlile go rwala maikarabelo a tuelo.
Potso: A leloko / modiri a ka phimola tumalano?
Karabo: Nnyaa, ke taelo e e tswang mo Molawaneng 28. Fa leloko le ka se kgone go obamela tumalano, Ntlokgolo le Botsamisi jwa Badiri e tshwanetse go itsesiwe.
Ntlokgolo e tlile go tlhomamisa fa go phimolwa go na le bonnete, sekao dithulaganyo tsa lenyalo le dithulaganyo tsa khunologo ga di amogelesege. Mabaka e tshwanetse go nna a a utlwagalang a boitekanelo.
Potso: A malwetse a bilharzia (thotamadi) le malaria a ka tsena motho a le fa tirong?
Karabo: Ee, fa leloko le ne le le fa tirong kwa lefelong le le nang le bilhazia kgotsa malaria e bile diteko tsa madi di supa jalo. Molawana 689 (1) (a) kopano e tshwanetse go tshwariwa gape bosupi jotlhe bo tlile go sekasekiwa.
ka ntlha ya mathata a lona?
Karabo Nnyaa, ka gonne leloko le ne le sa dire ka fa dikgatlhegelong tsa mothapi.
Ditokomane tsa kgobalo di tladiwa go kaiwa e le tsa kgobalo e e diragetseng kwa ntle ga tiro di be di faelwa go ya ka SO 125 (16). Leloko le tshwanetse go tlhagisa mo polelong ya lona gore se, se diragetse ka ntlha ya mathata a lona.
Potso: A dikgobalo tse di diragetseng kwa ntle ga tiro le tsona di tshwanetse go lebisiwa kwa Ntlokgolo go swediwa?
Karabo: Ee, di tsenngwa mo khomputareng gore tshedimosetso e tle e nne teng kgotsa gore molato o tle o kaiwe e le wa kgobalo e e diragetseng kwa ntle ga tiro, gore o tle o duelelwe.
Potso: Modiri o ne a sega bojang, mme o ne a lomiwa ke notshe, a kgobalo e diragetse kwa tirong?
Karabo: Fa e le gore modiri (modiri yo o dirang kwa ntle) o dira ka fa dikgatlhegelong tsa mothapi wa gagwe, ke kgobalo e e diragetseng kwa tirong.
Potso: Lephodisa le kwa gae mme le fa tirong ya tshoganyetso.
Mmuso e felelwa ke mowa. Lephodisa le, le gobala mo mokwatleng. A kgobalo e, ke ya fa tirong kgotsa ke ya kwa ntle ga tiro?
Karabo: Ke ya fa tirong. Lephodisa le dira ka fa dikgatlhegelong tsa SAPS e bile le fa tirong ya lona ya semmuso.
Potso: Magodu a ne a utswa kwa ntlong ya leloko mme leloko le ne la a lwantsha, fela le ne la thuntshiwa mo leotong. A kgobalo e, ke ya fa tirong?
Karabo: Nnyaa. Leloko le ne le sireletsa dithoto tsa lona e bile le ne le dira ka fa dikgatlhegelong tsa lona e seng ka fa dikgatlhegelong tsa mothapi wa lona.
Potso: Ke mang yo o tshwanetseng go bega kgobalo ya fa tirong kwa go Komišenara ya Meputso?
Karabo: Diforomo WCL 2, 3 jalojalo di romelwa kwa Ntlokgolo. Ntlokgolo e sekaseka dintlha, e bile e tsenya kgobalo mo khomputareng le go e romela kwa go Komišinara ya Meputso.
Potso: Ke mang yo o tlhomamisang bokoa jwa leruri?
Karabo: Ke Komišenara ya Meputso a ikaegile ka bosupi jwa boitekanelo.
Potso: Go diragala eng fa e le gore molato o setse o duetswe ke SAPS mme tota e se kgobalo ya fa tirong?
Karalo: Dituelo tse di latelang tsa kgobalo ya fa tirong di tsewa ka bonako.
morebodi wa ditirelo o tshwanetse go itsesiwe e bile melato e e tlang e tshwanetse go isiwa kwa Letloleng la Boitekanelo.
Potso: Go diragala eng fa Polmed e setse e duetse molato wa kgobalo ya fa tirong?
Potso: Kgobalo ya fa tirong e tshwanetse go swediwa mo sebakeng se sekae?
Karabo: Mo sebakeng sa dikgwedi di le tharo. E seng jalo, se, se ka dira gore leloko le latlhegelwe go lebilwe tuelelo ya melato ya lona.
Potso: Ke mang yo o tshwanetseng go tlatsa diforomo tsa WCL (morago ga WCL 2)?
Potso: Go diragala eng fa ke sa dumalane le Kgobalo ya fa Tirong?
Karabo: Modiri a ka ikuela kgotsa a tsenya ngongorego. Bosupi jo bošwa bo ka tlhagisiwa. Lephata la Meputso le ka boniwa go tshwaela.
Go thata go tsaya ditswetso ka mogala fa motho a sena ditokomane tsotlhe. Ka jalo, go atlanegisiwa gore diboto tsa dikgobalo/PTSD di konosediwe gape di fetisediwe kwa Ntlokgolong go swediwa. Dintlha tse di fa godimo ke dikao tse di mmalwa fela. Molato mongwe le mongwe o tlile go atlholwa go ikaegilwe ka bosupi le dipegelo tsa boitekanelo.
<fn>tsn_Article_National Language Services_LENAANE LA DITENG.txt</fn>
Diaterese tsa Poso...
Aterese ya Mmila...
Ditheo tsa kgwebo, Bong le Tsamaiso...
Kgwebisano e e sa gobeleleng, kgaisano le Tshireletso ya Badiri...
Di-indaseteri tse di laolwang...
Tlhabololo le Patlisiso...
Paakanyo ya kelotefo le phokoletso...
Taolo ya Thomeloteng le Thomelontle...
Kwadiso ya ditlamo le dithoto tsa botlhale...
Dipatlisiso le Ditlhatlhobo...
Peeletso ya dinaga di sele...
Patlisiso ya Saense...
Thulaganyo ya Boleng...
Kgwebisano ya dinaga di sele...
Ditshwanelo tsa Badirisi...
Tshegetso ya Peeletso...
Tlhabololo ya dikgwebopotlana...
Go oketsa bokgoni jwa kgaisano...
Boitlhamelo le Thekenoloji...
Thuso ya Thomelontle...
Tikologo ya Taolo...
Go nna le go dira mo Aforika Borwa...
Tsela ya go dira kgwebo mo Aforika Borwa...
Tsela ya go simolola kgwebo...
Go tsamaisa kgwebo...
Tshegetso ya kgwebo...
Tsela ya go godisa kgwebo...
Go tsamaisa kgwebo...
Tshegetso ya kgwebo...
Ithute go romela ntle...
Ikwadise jaaka moromelantle...
Dithotloetso tsa thomelontle...
Phitlhelelo ya mebaraka ya dinaga di sele...
Mekgatlho ya thomelontle...
Tikologo ya Taolo ya Aforika Borwa...
Kwadiso le Thebolo ya tetla..?
Boitekanelo jwa Badirisi ba Aforika Borwa...
Ditshwanelo tsa Badirisi...
Ditheo tsa ngongorego tsa badirisi...
Peeletso le Poloko...
Go tlhoka tekatekano...
Matshwao a ikonomi...
Banni le seabe ba bagolo ba Ikonomi...
Popegotheo ya setheo...
Batho ba rona...
Tsamaiso ya Kgwebisano ya Boditšhabatšhaba...
Peomolao le Melawana...
Dikwadiso le Ditlhatlhobo...
Tshedimosetso, kgakololo le Kgokaganyo...
Tšhelete ya Dithotloetso le Tlhabololo...
Dintlha tsa Tshwaelo...
Tuelo malebana le ditheo tsa Setšhaba...
Go ganwa ga kopo...
Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso, wa bo2 wa 2000 ("Molao") o tsentswe tirisong ka la 9 Mopitlwe 2001, ka go dira jalo, o diragatsa tshwanelo ya molaotheo ya phitlhelelo ya tshedimosetso nngwe le nngwe e e tshotsweng ke setheo sengwe le sengwe sa setšhaba gongwe sa poraefete fa tshedimosetso eo e tlhokega go tsweletsa gongwe go sireletsa ditshwanelo dingwe. Mo mabakeng a go dirwang kopo go ya ka Molao, setheo se kopo e dirilweng kwa go sona se patelesega go golola tshedimosetso ntle le fela mo mabakeng a mo go ona Molao o itlhalosang sentle gore tshedimosetso eo e ka seke gongwe ga e a tshwanela go gololwa.
Molao o tlhagisitse dintlha tse go tlhokegang gore di salwe morago fa go dirwa kopo ya go nna jalo. Maitlhomo a manyuale ono ke go tsweletsa setso sa go direla dilo mo pontsheng le go bontsha go rwala maikarabelo mo Lefapheng la Kgwebo le Madirelo ("dti") ka go diragatsa tshwanelo ya tshedimosetso e e tlhokegang go tsweletsa le go sireletsa ditshwanelo tsa batho gongwe ditlamo. Gore go tswelediwe tsamaiso e e bokgoni ya ditheo tsa setšhaba, go botlhokwa gore go netefadiwe gore batho botlhe ba tlametswe ka bokgoni le thuto e e tlhokegang go tlhaloganya ditshwanelo tsa bona go lebeletswe Molao ono.
Ka mokgwa o o lereng tekatekano ma gareng ga tshwanelo eo le ditshwanelo tse dingwe fela, go akarediwa ditshwanelo tse di fitlhelwang mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo o o mo Molaotheong.
Karolo 14 ya Molao e pateletsa ditheo tsa setšhaba go rulaganya Manyuale o o tla thusang motho go bona phitlhelelo ya tshedimosetso e e tshotsweng ke setheo sa setšhaba mme e tlhalosa ditlhokegodinnye tse manyuale o tshwanetseng go di ikobela.
Le gale, Lefapha la Kgwebo le Madirelo le tlhalositse gore le tla leka go direla dilo mo pontsheng gammogo le go tlamela tshedimosetso ka kgololosego go bagwebi, badirisi le setšhaba ka kakaretso ka go dirisa diphasalatso tsa Lefapha, dikitsiso, website gammogo le tikwatikwe ya tshedimosetso.
Manyuale ono o ikaelela go tlamela mokopi yo o diragatsang Molao, ka dintlha tse di tlhokegang tsa kgolagano, gammogo le thulaganyo ya go fitlhelela tshedimosetso e e rileng mo Lefapheng la Kgwebo le Madirelo.
Gape manyuale ono o ikaelela go tlamela mokopi ka tshedimosetso e e bonalang malebana le popegotheo, ditiro, ditirelo le tshupane ya tshedimosetso ya Lefapha la Kgwebo le Madirelo go kgontsha mokopi go supa kgonagalo ya gore tshedimosetso e a e tlhokang e ka fitlhelwa kae.
Gape manyuale ono o tlamela ka diforomo tse di tlhokegang gammogo le tšhelete e e tshwanetseng go lefiwa fa go kopiwa tshedimosetso.
Maikaelelo a Lefapha la Kgwebo le Madirelo ke go etelela pele le go gokaganya phitlhelelo ya tiragalo ya ikonomi e e tswelelang gammogo le tiro go MaAforika Borwa otlhe ka go dirisa dipeeletso tse di kwa godimo, phitlhelelo e e oketsegileng ya ditlhagiswa tsa Aforika Borwa kwa mebarakeng ya boditšhabatšhaba, gammogo le go tlhama mmaraka o o sa gobeleleng, o o letlang kgaisano mme o le bokgoni o o ka dirisiwang ke dikgwebo tsa selegae le tse di tswang kwa ntle gammogo le badirisi. Ka mokgwa ono, Lefapha la Kgwebo le Madirelo le ikaelela go nna le seabe mo go beyeng ikonomi ya Aforika Borwa mo tseleng ya kgolo e e bonako le e e kgaoganwang.
Go tlhama lephata le le kopaneng le le tswelelang pele la go dira dithoto le le tla ngokelang palo e e oketsegileng ya ya ditshono tse di tla tswelelang tsa ikonomi tse di ka fitlhelelwang ke baagi botlhe ba Aforika Borwa go ralala ikonomi.
Go godisa bogolo jwa mmaraka wa dithoto le ditirelo tsa Aforika Borwa.
Go tsweletsa gore go nne le ditlhagiswa tsa mefuta e e farologaneng tse di romelwang ntle go tswa mo Aforika Borwa.
Go tsweletsa gore go nne le seelo se se kwa godimo sa dipeeletso tsa tlhamalalo tsa boditšhabatšhaba le tsa selegae.
Go dira gore go nne le mmaraka o o sa gobeleleng, o o letlang kgaisano mme o le bokgoni mo Aforika Borwa o o ka dirisiwang ke dikgwebo tsa selegae le tsa boditšhabatšhaba gammogo le badirisi.
Go tlamela ka ditshono tsa go maatlafatsa maemo a ikonomi a batho ba ba tlhokileng ditshono mo pakeng e e fetileng gammogo le go tlamela ka dikgato tsa tshegetso go ba kgontsha go dirisa ditshono tseno.
Go nna le seabe mo tlhabololong ya ikonomi ya dikgaolo tsa Aforika Borwa, gammogo le tsa kgaolo ya Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC), Le Aforika ka kakaretso.
Go tsweletsa bokgoni le kgono ya thulaganyo ya Lefapha la Kgwebo le Madirelo.
Dikarolo tse di nayang bokgoni, tse di tlamelang ka ditirelo tsa tshegetso ya ditheo go dikarolo tsa ditiro tsa ka gale.
Dikarolo tsa go tlhama pholesi, tse di lebeletseng go tlhama seemo se se siameng go gaisa mo ikonoming.
Dikarolo tsa go tlamela ka ditirelo, tse di amanang ka tlhamalalo le dikgwebo le badirisi ka ditlhagiswa le ditirelo.
Karolo ya Papatso, e maikarabelo a yona e leng go tshwaya le go bapatsa ditlhagiswa tsotlhe (mananeo le dithuso) tsa Lefapha la Kgwebo le Madirelo le go netefatsa gore dikgwebo le badirisi ba selegae ba tlhaloganya ditshwanelo tsa bona tsa ikonomi.
Go baya Lefapha la Kgwebo le Madirelo mo seemong se se le tlhalosang jaaka lentswe la ketapele mo mererong ya ikonomi mme ka go dira jalo le bone balekane ba ba botlhokwa ba ba ka tshegetsang maitlhomo a Lefapha.
Go tlamela ka ditirelo tsa ditheo le tshegetso ya tsamaiso ka sebopego sa Thekenoloji ya Tshedimosetso, Badiri, Ditlamelo, le Ditirelo tsa Ditšhelete.
Go oketsa le go atolosa temogo le phitlhelelo ya ditlhagiswa le ditirelo tsa Lefapha la Kgwebo le Madirelo.
Go tlamela ka seemo sa taolo ya kgwebo se se tsweletsang mebaraka e e nang le kgaisano, e sa gobelele, e le bokgoni mme e le mo pontsheng go baagi botlhe ba ba mo ikonoming ka go sekaseka gangwe le gape pholesi le peomolao, gammogo le go tsweletsa go ikobela melawana ka thuto le tiragatso e e bokgoni.
Go tsweletsa go agiwa sešwa ga ikonomi ya Aforika Borwa ka go tlamela ka dithotloetso tsa dipeeletso mo dikagong, tlhabololo ya badiri, go dirwa ga dilo ka mokgwa o o kopaneng gammogo le ditiragalo tse di maleba, tlhabololo ya dikgwebopotlana, dikgaolo tse di rileng, thekenoloji le boitlhamelo.
Tshedimosetso ya taolo Lefapha la Kgwebo le Madirelo le tsamaisa kgwebo e e namileng - le madirelo - Melao e e maleba, melawana le dipholesi, gammogo le direkoto tsa dikgetse tsa semolao tse di malebana le merero ya kgwebo le madirelo tsa ditiragalo tsa selegae le tsa boditšhabatšhaba.
Dipholesi tsa kgwebo le madirelo tshedimosetso ya pholesi e e tsamaisang ditiro le go tsereganya ga Lefapha la Kgwebo le Madirelo.
Molao wa Dikgwebo wa 1991: Maikaelelo a Molao ono ke go phimola gongwe go baakanya melao mengwe e e malebana le go rebolwa ga dilaesense le go tswelediwa ga dikgwebo, le diura tsa mabentlele, gammogo le go dira ditlamelo dingwe tse dintšhwa tse di malebana lel go rebolwa ga dilaesense tseo le go tswelediwa ga dikgwebo, gammogo le go dira tlamelo ya merero e e amanang le tseo.
Molao wa Dikoporasi tse di Tswaletsweng wa bo69 wa 1984: Maikaelelo a Molao ke go tlamela gore ka tshedimosetso, kwadiso, go kopanngwa, tsamaiso, taolo le go phatlhaladiwa ga dikoporasi tse di tswaletsweng.
Molao wa Ditlamo wa bo61 wa 1973: Maikaelelo a Molao ke go kopanya le go baakanya molao o o malebana le ditlamo, gammogo le go dira tlamelo ya merero e e malebana le tseo.
Molao wa Taolo ya Dithoto tse di aroganwang ka nako wa bo75 wa 1983: Maikaelelo a Molao ono ke go laola go amogiwa ga dikgatlhegelo tsa karogano ya dithoto ka nako tse di tsamaisiwang ke dikema tsa dithoto tsa karoganyo ya dithoto ka nako; gammogo le go dira tlamelo ya merero e e malebana le tseo.
Molao wa Tshireletso ya Kgwebo wa bo 99 wa 1978: Maikaelelo a Molao ke go lekanyetsa go tsenngwa tirisong mo Repaboliking ga dikatlholo dingwe tsa dinaga tse di kwa ntle, ditaelo, dikaelo, kabelo ya dikganetsano gammogo le makwalo a dikopo, gammogo le go thibela go tlhagisiwa ga tshedimosetso e e malebana le dikgwebo e le go ikobela ditaelo, dikaelo gongwe makwalo a kopa go tswa kwa dinageng di sele, gammogo le go dira tlamelo ya merero e e amanang le tseo.
Molao wa Thulaganyosešwa ya Melao ya Ditheo wa bo45 wa 1996: Maikaelelo a Molao ke go dira tlamelo ya gore melao mengwe ya ditheo e tla diragadiwa go ralala Repaboliki, le go phimola melao mengwe ya ditheo. Gape o dira tlamelo ya go kopanngwa ga dikoporasi dingwe tse di tswaletsweng tse di ntseng di amogetswe jalo gammogo le merero e e amanang le tseo.
Molao wa Taolo ya Diboloko tsa Dišere wa bo59 wa 1980: Maikaelelo a Molao ono ke go laola tiro ya dikema tsa diboloko tsa dišere, gammogo le go dira tlamelo ya merero e e amanang le tseo.
Molao wa Kgaisano wa bo89 wa 1998: Maikaelelo a Molao ono ke go dira tlamelo ya go tlhamiwa ga Komišene ya Kgaisano e maikarabelo a yona e leng dipatlisiso, taolo le tshekatsheko ya ditiragatso tse di kganelang, tiriso e e botlhaswa ya maemo a a gatelelang, gammogo le go kopanngwa ga ditlamo. Gape go lebelelwa ga go tlhamiwa ga Kgotla ya Kgaisano e maikarabelo a yona e leng go atlhola merero e e jalo, gammogo le go tlhamiwa ga Kgotlatshekelo ya Boikuelo ya Kgaisano.
Molao wa Paakanyo ya Bobedi wa Kgaisano wa bo39 wa 2000: Maikaelelo a Molao ke go baakanya Molao wa Kgaisano wa 1998, gore go tlhalosiwe mareo mangwe, go baakanya ditlhaloso tse dingwe gammogo le go phimola tlhaloso.
Molao wa Merero ya Badirisi (Ditiro tsa kgwebo tse di gobelelang) wa bo71 wa 1988: Maikaelelo a Molao ono ke go dira tlamelo ya thibelo kgotsa taolo ya ditiro dingwe tsa kgwebo.
Molao wa Ditumelano tsa theko ka molato wa bo75 wa 1980: Maikaelelo a Molao ke go sireletsa badirisi ba ba rekang dithoto ka khiro, thekokhiro gongwe ka molato gammogo le ditirelo dingwe ka molato.
Molao wa tlhakolothoto (Go tlhamiwa ga Maitlamo) wa bo39 wa 1951: Maikaelelo a Molao ke go tlamela ka tlhakolo ya mafatshe le go bonwa ga tshwanelo ya go dirisa lefatshe nakwana.
Molao wa Theko ya Ditlamelo tsa Bosetšhaba wa bo89 wa 1970: Maikaelelo a Molao ono ke go maatlafatsa Tona ya Merero ya Ikonomi go dira, tlhagisa, bona, hira gongwe go romela teng dithoto.
Molao wa Thekiso le Merero ya Ditirelo wa bo25 wa 1964: Maikemisetso a Molao ke go dira tlamelo ya taolo ya theko ya dithoto gammogo le tlamelo ka ditirelo gammogo le merero e mengwe e e malebana le tseo.
Molao wa Merero ya Kgwebo ka dikago le mafatshe wa bo112 wa 1976: Maikemisetso a Molao ono ke go sireletsa badirisi ba ba rekang gongwe ba rekisa dithoto ka barekisi ba dikago le mafatshe.
Molao wa Sekema sa Tlhabololo ya Matlo a Batho ba ba Rotseng tiro wa bo65 wa 1988: Maikemisetso a Molao ke go laola kamogo ya dithoto tse di riling mo dikemeng tsa tlhabololo ya matlo a batho ba ba rotseng tiro, gammogo le go dira tlamelo ya merero e e amanang le tseo.
Molao wa kopanyo ya Melao ya Botšhonisi wa bo57 wa 1996: Maikemisetso a Molao ono ke go atolosa tiriso ya Molao wa Botšhonisi wa 1968, go ya kwa mafelong a a fitlhelwang mo dinageng tsa bosetšhaba gammogo le dinaga tse dinaga dingwe tsa maloba gammogo le dinaga tse di ipusang.
Molao wa Nnotagi wa bo27 wa 1989: Maikemisetso a Molao ke go dira tlamelo ya taolo ya thekiso ya nnotagi, gammogo le mabaka a a amanang le tseo.
Molao wa Lottery wa bo57 wa 1997: Maikemisetso a Molao ke go laola le go thibela di-lottery le mafelo a go betšha a metshameko; go tlhama Boto ya Bosetšhaba ya Lottery le, go latela seno, go baakanya Molao wa Dikantoro tsa Poso wa 1958, Molao wa Metshameko ya go iteka lesego wa 1965, le Molao wa Metshameko ya go iteka lesego wa 1982 (Ciskei), le go phimola Molao wa Lottery ya Mmuso wa 1984 (Ciskei) gammogo le Molao wa Lottery wa 1989 (Transkei) gammogo le go dira tlamela ya merero e e amanang le tseo.
Molao wa Melawana ya Dikago tsa Bosetšhaba le Seemo sa Dikago wa bo103 wa 1977: Maikemisetso a Molao ke go dira tlamelo ya tsweletso ya gore go nne le go tshwana mo molaong o o malebana le go agiwa ga dikago mo mafelong a a mo taolong ya makgotlataolo a selegae, gammogo le go rebola seemo se se tshwanetseng go diriswa mo dikagong, gammogo le merero e mengwe e e amanang le tseo.
Molao wa Bosetšhaba wa go Iteka lesego (National Gambling Act) wa bo33 wa 1966: Maikemisetso a Molao ke go dira tlamelo ya taolo le kgokaganyo ya merero mengwe e e malebana le dikhasino, go tshameka metshameko ya go iteka lesego le go betšha, mme mo mabakeng ao, go dira tlamelo ya tsweletsa melao le dithulaganyo tse di tshwanang tse di tla dirisiwang ka kakaretso go ralala Repaboliki; mme gape, go dira tlamelo ya go tlhamiwa ga Boto ya Bosetšhaba ya Go iteka Lesego, gammogo le go dira tlamelo ya merero e e amanang le tseo.
Molao wa Go se oketse Dibetsa tse di bolayang ka Mogoso wa bo87 wa 1993: Maikemisetso a Molao ke go dira tlamelo ya taolo ya dibetsa tse di bolayang ka mogoso, gammogo le go tlhamiwa ga Khansele e e tla laolang le go tsamaisa merero e e malebana le ntsifatso ya dibetsa tsa go nna jalo mo Repaboliking, mme le gape go lebelela maitlhomo le ditiro tsa yona, gammogo le go rebola mokgwa o e tshwanetseng go tsamaisiwa le go laolwa ka ona, le go dira tlamelo ya merero e e amanang le tseo.
Molao wa Merero ya Lefaufau wa bo84 wa 1993: Maikemisetso a Molao ke go dira tlamelo ya go tlhamiwa ga Khansele e e tla tsamaisang le go laola merero mengwe ya lefaufau mo Repaboliking, gammogo le go lebelela maitlhomo le ditiro tsa yona, gammogo le go rebola mokgwa o e tshwanetseng go tsamaisiwa le go laolwa ka ona.
Molao wa Sukiri wa bo9 wa 1978: Maikemisetso a Molao ke go kopanya le go baakanya melao e e malebana le indaseteri ya sukiri gammogo le go dira tlamelo ya merero e e amanang le tseo.
Molao wa Botšhonisa wa bo73 wa 1968: Maikemisetso a Molao ke go dira tlamelo ya tekanyetso le gore go tlhagisiwe mo phatlhalatseng dinamane tse di lefisiwang mo dikadimong tsa ditšhelete, ditheko tsa molato gammogo le dikiriso gammogo le merero e e amanang le tseo, gammogo le go phimola Molao wa Botšhonisa wa 1926.
Molao wa Boto ya Ditefiso le Kgwebisano wa bo107 wa 1986: Maikemisetso a Molao ke go dira tlamelo ya go tlhamiwa ga Boto ya Ditefiso le Kgwebisano le merero e e amanang le tseo.
Molao wa Tumelano e e ka ga Bogakolodi mo Thekisong ya Boditšhabatšhaba ya Dithoto wa bo4 wa 1986: Maikemisetso a Molao ke go dira tlamelo ya tiriso ya Tumelano e e ka ga Bogakolodi mo Thekisong ya Boditšhabatšhaba ya Dithoto, gammogo le go dira tlamelo ya merero e e amanang le tseo.
Molao wa Thomelontle ka Molao le go tlamela gape ka Inšorense ya Dipeeletso tsa kwa Dinageng di sele wa bo78 wa 1957: Maikemisetso a Molao ke go tsweletsa kgwebisano le dinaga tse di kwa ntle ga Repaboliki ka go dira tlamelo ya go tlamela gape ka inšorense ya Puso ya Repaboliki ka dikonteraka tsa inšorense e e malebana le dithulaganyo tsa thomelontle, dipeeletso le dikadimo gongwe ditlamelo tse di tshwanang le tseo tse di amanang le dithulaganyo tseo.
Molao wa Taolo ya Thomeloteng le Thomelontle wa bo45 wa 1963: Maikemisetso a Molao ke go dira tlamelo ya taolo ya thomeloteng le thomelontle, go baakanngwa ga Molao wa Tsweletso ya Dikgato tsa Ntwa wa 1956, gammogo le merero e mengwe e e maleba.
Molao wa Tumelano ya Boditšhabatšhaba wa Diduti tse di Babalesegileng wa bo11 wa 1985: Maikemisetso a Molao ke go dira tlamelo ya go tsenngwa tirisong mo Repaboliking ga Tumelano ya Boditšhabatšhaba ya Diduti tse di Babalesegileng, gammogo le go dira tlamelo ya merero e e golaganang le tseo.
Molao wa Diyuniti tsa Tekanyetso le Seemo sa Tekanyetso sa Bosetšhaba wa bo76 wa 1973: Molao o dira tlamelo ya go itsesewe ka thulaganyo le go tsenngwa tirisong mo Repaboliking ga diyuniti tsa tekanyetso tsa Thulaganyo ya Boditšhabatšhaba ya Diyuniti gammogo le diyuniti dingwe tsa tekanyetso. Gape e dira tlamelo ya go rebolwa ga seemo sa bosetšhaba sa tekanyetso gammogo le merero mengwe fela e e golaganang le tseo.
Molao wa Seemo wa bo29 wa 1993: Molao o dira tlamelo ya tsweletso le tlhokomelo ya tlhomamiso ya seemo le boleng malebana le dilwana gammogo le tlamelo ka ditirelo.
Molao wa thuto ya Metoroloji wa Kgwebo wa bo77 wa 1973: Maikemisetso a Molao ke go kopanya le go baakanya molao o o malebana le metoroloji wa kgwebo.
Molao wa Tlhabololo ya Madirelo wa bo22 wa 1940: Maikemisetso a Molao ke go tlhama setheo se maitlhomo a sona e tla nnang go tsweletsa go tlhamiwa ga madirelo a mantšhwa le dikgwebo tsa madirelo gammogo le tlhabololo ya madirelo le dikgwebo tsa madirelo tse di setseng di le gona, gammogo le go dira tlamelo ya merero e e amanang le tseno.
Molao wa Tlhabololo ya Ditlhamo: Maikemisetso a Molao ke go dira tlamelo ya tsweletso le go ngoka dikgatlhego tsa setšhaba malebana le dithibololo dingwe, ditlhamo le ditokafatso mme ka ntlha ya seo, go tlhamiwe Setheo sa Tlhabololo ya Ditlhamo sa Aforika Borwa gammogo le go rebola dithata le ditiro tsa sona gammogo le mokgwa o se tla tsamaisiwang le go laolwa ka ona, gammogo le merero e mengwe e e golaganeng le tseo.
Molao wa Tlhabololo ya Go itirela (manufacturing) wa bo187 wa 1993: Maikemisetso a Molao ke go tlhama Boto ya Tlhabololo ya Go itirela, le go dira tlamelo ya go tlhamiwa ga mananeo a tlhabololo ya go itirela, gammogo le go dira tlamelo ya merero e e manang le tseo.
Molao wa Letlole la Bosetšhaba la Maatlafatso wa bo105 wa 1998: Maikemisetso a Molao ke go tlhama terasete e e tla godisang le go gokaganya gore batho ba ba tlhokileng ditshono mo nakong e e fetileng ba kgone go nna le dithoto tse di dirang letseno.
Molao wa Bosetšhaba wa Dikgwebopotlana wa bo102 wa 1996: Maikemisetso a Molao ke go dira tlamelo ya go tlhamiwa ga Khansele ya Bosetšhaba ya Dikgwebopotlana gammogo le Setlamo sa Bogakolodi sa Tsweletso ya Dikgwebo sa Ntsika. O dira gape tlamelo ya kaedi go ditheo tsa Mmuso gore di kgone go tsweletsa dikgwebopotlana mo Repaboliking, mme gape o dira tlamelo ya merero e e amanang le tseo.
Molao wa Khansele ya Dipatlisiso tsa Saense wa bo46 wa 1988: Maikemisetso a Molao ke go dira tlamelo ya go tswelela go nna teng ga Khansele ya Dipatlisiso tsa Saense le Madirelo gammogo le go tsamaisiwa ga yona ke Boto, gammogo le merero mengwe fela e e golaganeng le tseo.
Molao wa Tetlokhopi ya 'Vlaglied' wa 1974 (go tswa go CCRD): Molao ono o rebolela tiro ya bokwadi ya ga Cornelius Jakob Langenhoven ya setlhogo sa Vlaglied go Mmuso. Molao o sireletsa badirisi jaaka baagi ba Aforika Borwa kgatlhanong le tiriso ya Vlaglied.
Molao wa Maina a Dikgwebo wa bo27 wa 1960: Maikemisetso a Molao ke go tlamela ka taolo ya maina a dikgwebo gammogo le merero e e malebana le tseo.
Molao wa Tetlokhopi wa bo98 wa 1978: Maikemisetso a Molao ke go laola tetlokhopi le go dira tlamelo ya merero e e malebana le tseo.
Molao wa Dithoto tse e seng tsa nnete wa bo37 wa 1997: Maikemisetso a Molao ke go itsese dikgato tse di leng kgatlhanong le kgwebo ka dithoto tse e seng tsa nnete go sireletsa gape beng ba matshwaokgwebo, ditetlokhopi gammogo le matshwao mangwe a a welang ka fa tlase ga Molao wa Matshwao a Dithoto wa 1941, kgatlhanong le tiriso e e seng mo molaong ya dithoto tsa ntlha e e malebana le ditshwanelo tsa bona tsa dithoto tsa botlhale le kgatlhanong le kgololo ya dithoto tsa mofuta oo (tse di bidiwang 'dithoto tse e seng tsa nnete') mo thulaganyong ya kgwebo.
Molao wa Dithadiso (designs) wa bo 195 wa 1993: Maikemisetso a Molao ke go dira tlamelo ya kwadiso ya dithadiso gammogo le merero e e golaganang le tseo.
Molao wa Thulaganyosešwa ya Melao ya Dithoto tsa Botlhale wa b0107 wa 1996: Maikemisetso a Molo ke go dira tlamelo ya go kopanngwa ga ditshwanelo tsa dithoto tsa botlhale tse di fitlhelwang kwa Bophuthatswana, Transkei, Venda le Ciskei gore di tsenngwe mo thulaganyong ya bosetšhaba, gammogo le go atolosetsa peomolao ya ditshwanelo tsa dithoto tsa botlhale mo Aforika Borwa go ralala Repaboliki. Gape o phimola melao e mengwe ya dithoto tsa botlhale gammogo le go dira tlamelo ya merero e e golaganeng le tseo.
Molao wa Matshwao a Dithoto wa bo17 wa 1941: Maikemisetso a Molao ke go dira tlamelo malebana le go tshwaiwa ga dithoto gammogo diphuthelo tse dithoto di rekisiwang ka tsona gongwe mo go tsona gammogo le tiriso ya mafoko mangwe le dikano tse di malebana le kgwebo.
Molao wa dipatente wa bo57 wa 1978: Maikemisetso a Molao ke go dira tlamelo ya kwadiso le thebolo ya dipatente tsa tlhamo gammogo le merero e e golaganeng le tseo.
Molao wa Tshireletso ya Badiragatsi wa bo11 wa 1967: Maikemisetso a Molao ke go dira tlamelo ya tshireletso ya badiragatsi ba ditiro tsa bokwadi le botsweretshi.
Molao wa Kwadiso ya Tetlokhopi mo Dibaesekopong wa bo62 wa 1977: Maikemisetso a Molao ke go dira tlamelo ya kwadiso ya tetlokhopi ya dibaesekopo, gammogo le merero e e golaganeng le tseo.
Molao wa Matshwaokgwebo wa bo194 wa 1993: Maikemisetso a Molao ke go dira tlamelo ya kwadiso ya matshwaokgwebo, matshwaokgwebo a tlhomamiso gammogo le matshwaokgwebo a kokoanyo, gammogo le go dira tlamelo ya merero e e malebana le tseo.
Molao wa tiro ya Kgwebo wa b076 wa 1976: Ga jaana Molao ono ga o gona.
Molao wa tiriso e e sa Letliwang ya Dikano wa bo37 wa 1961: Molao o sireletsa badirisi ka go thibela tiriso e e botlhaswa ya dikano tsa Mmuso le ditlhagiso tse di supang tshegetso ya Mmuso ya ditlhagiswa gongwe ditirelo fa go sa rebolwa tshegetso ya go nna jalo.
Ditifikeiti tsa Lekgetho la Molato la Madirelokhai - Sekema sa Ditifikeiti tsa Lekgetho la Keretiti (SDLK) se itsisitswe ka 1 Moranang 1993 go susumetsa le go rotloetsa badiri ba dikhai le diaparo go gaisana boditšhabatšhaba, kwa ntle ga diketleetso tsa puso. Ke thulaganyo ya go iponela keretiti ya lekgetho go ya ka thomelontle ya ditlhagiswa dingwe tsa dikhai le diaparo mo ngwageng o o rileng.
Tikwatikwe ya kgolagano ya Badirisi ya Lefapha la Kgwebo le Madirelo le tla kgona go go thusa ka dipotsiso tse di malebana le seno gammogo le dithotloetso tse dingwe.
Ditifikeiti tse di matshwanedi tsa Thomelontle go ya ka Lenaneo la Tlhabololo ya Indaseteri ya Dikoloi: Maikemisetso a seno ke go tokafatsa bokgoni jwa go gaisana lefatshe ka bophara jwa indaseteri ya go dira dikoloi le dikarolo. Dikopo tsa dikarolo tsa dikoloi di tshwanetse go tlhomamisiwa jaaka diromelwantle tse di matshwanedi gore di nne le tshiamelo ya ditshiamelo go ya ka Lenaneo la Tlhabololo ya Indaseteri ya Dikoloi.
Diforomo tsa kopo di ka tsewa gongwe go isiwa kwa Yuniting ya Patlisiso ya Kelotefo ya Makgetho a melelwane, Nomoro 1 Tsela ya Ngaka Lategan, Groenkloof, Tshwane, go tloga ka Mosupologo go ya go Labotlhano magareng ga 8:00 le 16:00.
Koketsego ya Lekgetho la kwa melelwaneng - Maikemisetso a seno ke tsweletso ya tlhabololo ya ikonomi ka mokgwa o o tswelelang ka tokafatso ya bokgoni jwa go gaisana boditšhabatšhaba gammogo le tiriso ya ditlamelo ka botlalo.
Diforomo tsa kopo di ka tsewa gongwe go isiwa kwa Yuniting ya Patlisiso ya Kelotefo ya Makgetho a melelwane, Nomoro 1 Tsela ya Ngaka Lategan, Groenkloof, Tshwane, go tloga ka Mosupologo go ya go Labotlhano magareng ga 8:00 le 16:00.
Phokoletso ya lekgetho la melelwane mo ditlhagisweng tse di sa fitlhelweng mo SACU malebana le go diriwa ga tsona - Lefapha la Kgwebo le Madirelo le tlamela ka phokoletso ya lekgetho la melelwane mo ditlhagisweng tse di sa fitlhelweng mo SACU malebana le go diriwa. Maikemisetso a seno ke go fokotsa ditsenyo, go goketsa kgonagalo ya go gaisana go ralala lefatshe, gammogo le go tsweletsa ditiro tsa go itirela mo SACU.
Diforomo tsa kopo di ka tsewa gongwe go isiwa kwa Yuniting ya Patlisiso ya Kelotefo ya Makgetho a melelwane, Nomoro 1 Tsela ya Ngaka Lategan, Groenkloof, Tshwane, go tloga ka Mosupologo go ya go Labotlhano magareng ga 8:00 le 16:00.
Phokotso ya lekgetho la melelwane - Maikemisetso a seno ke go dira gore go nne le phokotso ya ditshenyegelo le go oketsa kgonagalo ya kgaisano go ralala lefatshe.
Diforomo tsa kopo di ka tsewa gongwe go isiwa kwa Yuniting ya Patlisiso ya Kelotefo ya Makgetho a melelwane, Nomoro 1 Tsela ya Ngaka Lategan, Groenkloof, Tshwane, go tloga ka Mosupologo go ya go Labotlhano magareng ga 8:00 le 16:00.
Go tsewa ga lekgetho la twantsho-tshitlhamololelo le lekgetho la diromelwateng - Lefapha la Kgwebo le Madirelo le tlamelo indaseteri ya SACU ka tshireletso ka koketso ya seelo sa lekgetho la twantsho-tshitlhamololelo le lekgetho la diromelwateng mo mabakeng a moromelantle gongwe moromelateng a tsayang lekgetho ya twantsho-tshitlhamololelo le la diromelwateng, go kaya gore, mo go nang le tlhokego gongwe motsamao o o sa lekanang wa ditlhotlhwa go latela go tsenngwa tirisong ga lekgetho la go nna jalo.
Diforomo tsa kopo di ka tsewa gongwe go isiwa kwa Yuniting ya Patlisiso ya Kelotefo ya Makgetho a melelwane, Nomoro 1 Tsela ya Ngaka Lategan, Groenkloof, Tshwane, go tloga ka Mosupologo go ya go Labotlhano magareng ga 8:00 le 16:00.
Dikgato kgatlhanong le go tila lekgetho - Lefapha la Kgwebo le Madirelo le tlamela ka tshireletso ya indaseteri ya SACU ka go oketsa gongwe go atolosa kelo ya go tsenngwa tirisong ga lekgetho la tshitlhamololelo gongwe la thomeloteng moo go fitlhelwang gore lekgetho la twantsho-tshitlhamololelo gongwe la thomeloteng le tilwa ka ntlha ya karoganyo e e fosagetseng ya kelotefo, go tlopa tlopa le dinaga gongwe ditiro tsa kokoano.
Diforomo tsa kopo di ka tsewa gongwe go isiwa kwa Yuniting ya Patlisiso ya Kelotefo ya Makgetho a melelwane, Nomoro 1 Tsela ya Ngaka Lategan, Groenkloof, Tshwane, go tloga ka Mosupologo go ya go Labotlhano magareng ga 8:00 le 16:00.
Dikgato kgatlhanong le tshitlhamololo - Lefapha la Kgwebo le Madirelo le tlamela ka dipatlisiso tsa twantsho-tshitlhamololelo, tse di tlamelang ka tshireletso go indaseteri ya SACU kgatlhanong le kgwebisano e e gobelelang moo batlhagisi ba dinaga di sele ba romelang ntle ditshwagiswa tsa bona go ya go SACU ka ditlhotlhwa tse di kwa tlase go na le ditlhotlhwa tsa bona tsa selegae tse go rekisiwang ka tsona, mme ka go dira jalo go koafadiwa indaseteri ya SACU.
Diforomo tsa kopo di ka tsewa gongwe go isiwa kwa Yuniting ya Patlisiso ya Kelotefo ya Makgetho a melelwane, Nomoro 1 Tsela ya Ngaka Lategan, Groenkloof, Tshwane, go tloga ka Mosupologo go ya go Labotlhano magareng ga 8:00 le 16:00.
Dikgato kgatlhanong le dithomelontle tse di etleediwang - Lefapha la Kgwebo le Madirelo le tlamela ka dipatlisiso tsa lekgetho la diromelwateng, tse di tsweletsang tshireletso ya indaseteri ya SACU kgatlhanong le ditlhagiswa tse di romelwang teng ka ditlhotlhwa tse di etleediwang ke puso ya naga e e romelang ntle, mme ka go dira jalo go koafadiwa indaseteri ya SACU.
Diforomo tsa kopo di ka tsewa gongwe go isiwa kwa Yuniting ya Patlisiso ya Kelotefo ya Makgetho a melelwane, Nomoro 1 Tsela ya Ngaka Lategan, Groenkloof, Tshwane, go tloga ka Mosupologo go ya go Labotlhano magareng ga 8:00 le 16:00.
Patilisiso ya Tlolomolao ya Molao wa Taolo ya Thomeloteng le Thomelontle - Maikemisetso a seno ke go batlisisa tlolomolao ya Molao, go thopa dithoto tse di rometsweng teng e seng ka fa molaong, dithoto tse di tshwanetseng go romelwa ntle gammogo le go tšhotšhisa batlolamolao.
Diforomo tsa kopo di ka tsewa gongwe go isiwa kwa Yuniting ya Patlisiso ya Kelotefo ya Makgetho a melelwane, Nomoro 1 Tsela ya Ngaka Lategan, Groenkloof, Tshwane, go tloga ka Mosupologo go ya go Labotlhano magareng ga 8:00 le 16:00.
Tshekatsheko ya baromedi ba bantšhwa - Lefapha la Kgwebo le Madirelo le tlamela ka seno gore go seke ga akarediwa baromelantle ba bantšhwa go tswa mo dinageng tse di neng di tshwanela go duela lekgetho la thibelo-tshitlhamololelo le la Gore ba seke ba duela lekgetho la thibelo-tshitlhamololelo mo mabakeng a mo go ona baromelantle bao ba ka kgonang go supa gore ba ne ba sa romelentle ditlhagiswa tsa go nna jalo kwa dinageng tsa SACU mo pakeng ya ntlha ya dipatlisiso.
Diforomo tsa kopo di ka tsewa gongwe go isiwa kwa Yuniting ya Patlisiso ya Kelotefo ya Makgetho a melelwane, Nomoro 1 Tsela ya Ngaka Lategan, Groenkloof, Tshwane, go tloga ka Mosupologo go ya go Labotlhano magareng ga 8:00 le 16:00.
Tshekatsheko ya phirimane ya lekgetho le le ntseng le dira sebaka sa dingwaga di le tlhano - Lefapha la Kgwebo le Madirelo le tlamela ka seno gore le kgone go lemoga gore a lekgetho lengwe la thibelo-tshitlhamololelo gongwe la le le ntseng le dira sebaka sa malatsi a le matlhano le tshwanetse go tswelela pele, go kaya gore, go bona gore a ke go tla nna le tswelelo gongwe poeletso ya tshitlhamololelo e e ka gobatsang gongwe diromelwantle tse di etleediwang tse di ka bakang kgobalo fa lekgetho le ka tlosiwa. Maikemisetso a seno ke go dira tlamelo ya tshireletso ya indaseteri ya SACU kgatlhanong le tsweletso kgotsa poeletso ya kgobalo ya tshitlhamololelo gongwe ya dimateriale.
Diforomo tsa kopo di ka tsewa gongwe go isiwa kwa Yuniting ya Patlisiso ya Kelotefo ya Makgetho a melelwane, Nomoro 1 Tsela ya Ngaka Lategan, Groenkloof, Tshwane, go tloga ka Mosupologo go ya go Labotlhano magareng ga 8:00 le 16:00.
Taolo ya thomelontle - Maikemisetso a seno ke go thusa go oketsa boleng jwa dithoto pele ga di romelwa ntle gammogo le go netefatsa gore go ikobelwa ditlamelo tsa ditumelano tsa boditšhabatšhaba. Thuso eno e thusa gape go tokafatsa taolo ya ntshetsontle ya dithoto tse di tsewang e le tsa togamaano gammogo le dithoto tse di utswitsweng gongwe di tsentswe mo nageng e seng ka fa molaong.
Diforomo tsa kopo di ka tsewa gongwe go isiwa kwa Yuniting ya Patlisiso ya Kelotefo ya Makgetho a melelwane, Nomoro 1 Tsela ya Ngaka Lategan, Groenkloof, Tshwane, go tloga ka Mosupologo go ya go Labotlhano magareng ga 8:00 le 16:00.
Taolo ya Thomeloteng - Maikemisetso a seno ke go netefatsa gore dithoto tse di dirisitsweng tse di romelwang teng ga di gobatse indaseteri ya SACU. Thuso eno gape e tokafatsa taolo ya boitekanelo jwa tikologo le mabaka a tshireletso gammogo le go ikobela pabalesego le boleng. Gape go tokafatsa taolo ya maikemisetso a go ikobela melawana ya tikologo.
Diforomo tsa kopo di ka tsewa gongwe go isiwa kwa Yuniting ya Patlisiso ya Kelotefo ya Makgetho a melelwane, Nomoro 1 Tsela ya Ngaka Lategan, Groenkloof, Tshwane, go tloga ka Mosupologo go ya go Labotlhano magareng ga 8:00 le 16:00.
Dikwadiso tsa Ditlamo - Lefapha la Kgwebo le Madirelo le tlamela ka go rulaganngwa ga ditlamo ka kwadiso go ya ka Molao wa Ditlamo. Seno se akaretsa kwadiso gongwe go kopanngwa ga ditlamo tsa setšhaba le tsa poraefete, go baakanya le go tsenya tshedimosetso e e malebana le ditlamo tse di kwadisitsweng, gammogo le go sireletsa babeeletsi ka go netefatsa gore tiriso ya dithebole e lolame.
Phatlhalatso ya tshedimosetso ya Ditheo - Lefapha la Kgwebo le Madirelo le tlamela ka tshedimosetso ya ditheo e le mo sebopegong sa dikhopi, dikhopi tse di tlhomamisitsweng, gammogo le phitlhelelo ya banka ya tshedimosetso ya CIPRO e e malebana le mafapha a Mmuso le thekiso ya tshedimosetso e e fitlhelwang ka sebopego sa CD gongwe hard drive. Seno se dira le tlamelo ya tlhomamiso ya tshedimosetso ya molao, le netefatso malebana le tshupo ya ditheo.
Peeletso ya Maina - Lefapha la Kgwebo le Madirelo le tlamela ka tshireletso ya ditheo ka peeletso ya maina. Tirelo eno e akaretsa go beeletsa leina ka maikaelelo a go kwadisa setlamo gongwe setlamo se se tswaletsweng.
Kwadiso ya Ditshwanelo tsa Dithoto tsa Botlhale, Dipatente le Dithadiso - Lefapha la Kgwebo le Madirelo le tlamela ka kwadiso ya Ditshwanelo tsa Dithoto tsa Botlhale, go lebeletswe dipatente le dithadiso. Seno se naya tshireletso go batshodi ba Ditshwanelo tsa Dithoto tsa Botlhale gore di se ke tsa dirisiwa ke batho ba bangwe, mme e tlamela ka tshedimosetso ya Dithoto tsa Botlhale go ba ba nang le seabe.
Kwadiso ya Matshwaokgwebo le Tetlokhopi - Lefapha la Kgwebo le Madirelo le tlamela ka kwadiso ya Matshwaokgwebo le Tetlokhopi ya ditshwantsho tsa Dibaesekopo. Seno se naya ka mefuta e e farologaneng ya dikgakololo go badirisi malebana le kwadiso ya matshwaokgwebo le bokao jwa molao jwa seo. Kwadiso ya Tetlokhopi le matshwaokgwebo e tlamela gape ka tshireletso ya thoto ya botlhale.
Kwadiso ya Ditlamo tse di Tswaletsweng - Seno se lebeletse thata dikgwebo tse di botlana, tsa bogareng le tse dikgolwane tse di eletsang go nna le seabe mo lephateng le le rulaganeng la kgwebo. Dikgwebo tseno di ikungwela mosola ka go lemogwa jaaka ditheo tsa semolao; di kgona go tsenela dithendara tsa diporojeke tsa puso gongwe tsa lephata la poraefete; go nna le melato e e lekanyeditsweng, mme seno se letla gore go farologanngwe dithoto le melato ya ditokololo go tswa go tsa ditlamo tse di tswaletseng (ke ka moo go dirwang dilo ka mokgwa wa seporofešenale); gammogo le go simolola go latlhela mo Tirelong la Lekgetho ya Aforika Borwa.
Dipatlisiso tsa Ditlamo - Maikemisetso a seno ke go letla gore go tlhomiwe patlisiso ya setlamo fa go lebega e kete kgwebo ya setlamo e dirwa ka maikaelelo a go tsietsa batseisamolato; batho ba ba nnileng le seabe mo go tlhamiweng gongwe mo tsamaisong ya setlamo ba kile ba nna le molato wa go tsietsa, go tila go diragatsa ditiro tsa ona gongwe tlolomolao nngwe fela mo setlamong gongwe ditokololo tsa sona; gongwe fa ditokololo di ne di sa newa tshedimosetso yotlhe e e malebana le merero ya setlamo jaaka go ne go ka solofelwa.
Ditlhatlhobo tsa Melato ya Badirisi - Lefapha la Kgwebo le Madirelo le na le maikarabelo a tsamaiso ya Molao wa Botšhonisi, Molao wa Ditumelano tsa Molao gammogo le Molao wa Thekiso le Merero ya Tirelo. Molao wa Botšhonisi o laola maitsholo a batlamedi ba molato, tsela e go ka lefisiwang dinamane ka yona mme gape o tlhagisa kelo ya ditefiso tsa ditšhelete tse di ka lefisiwang.
Patlisiso ya Badirisi - Maikemisetso a seno ke go dira tlamelo ya gore go nne le patlisiso ya badirisi e maikaelelo a yona e leng go thibela gongwe go laola ditiragatso tse di gobelelang tsa kgwebo.
Dipatlisiso tsa Dithoto tsa maitirelo - Maikemisetso a seno ke go dira tlamelo ya gore go nne le patlisiso ya Dithoto tsa maitirelo fa motho a na le mogopolo wa gore go gatakwa ditshwanelo tsa dithoto tsa botlhale.
SABS: Go ikobela Melawana ya Seemo se se beilweng ka Molao sa Kgwebo ya Badirisi, Boitekanelo le Pabalesego - Setheo sa SABS se tsamaisa ditlhokego tse di totobaditsweng tse di patelediwang tsa molao tse di fopholediwang go 70 go ralala mafelo a le mmalwa. Ditlhokego tseno tse di totobaditsweng ke dikgato tsa molao le ditlhokego tsa go netefatsa gore ditlhagiswa tse di tlhagisitsweng mo gae gongwe di rometswe teng go tla mo Aforika Borwa gongwe di rometswe ntle go tswa mo Aforika Borwa, di kgotsofatsa ditlhokego dinnye tsa boitekanelo le pabalesego jaaka di thadisitswe mo Seemong se se maleba sa Bosetšhaba sa Aforika Borwa.
Tshedimosetso ya ikonomi/ kgwebo - Thuso eno e akaretsa go tlamela ka tshedimosetso ya kgwebo gongwe ikonomi ya Aforika Borwa go babeeletsi ba ba ka nnang le kgatlhego gongwe ba ba ntseng ba le gona. Maikaelelo gape ke go netefatsa gore tshedimosetso ka kakaretso tebang le go beeletsa mo Aforika Borwa e ka fitlhelelwa bonolo ke badirisi.
Go fitlhelela thuso eno, ikgolaganye le Tikwatikwe ya kgolagano le Badirisi ya Lefapha la Kgwebo le Madirelo.
Kgokaganyo ya dipeeletso tsa setlamo sa gago - Lefapha la Kgwebo le Madirelo le tlamela ka tirelo ya go gokaganya le ditheo tsa taolo le mafapha a mangwe a puso go leka go rarabolola mathata mangwe a tshwana le ditetla tsa bonno gammogo le merero e mengwe ya taolo.
Kgokaganyo ya phitlhelelo ya dithotloetso tsa peeletso tsa puso - Thuso eno e ka fitlhelelwa ke babeeletsi ba ba ntseng ba le gona le ba ba ka nnang le kgatlhego ka maikaelelo a go atolosa gongwe go tlhoma kgwebo ya bona mo Aforika Borwa. Babeeletsi ba tshwanetse go kgotsofatsa ditlhokego dingwe gore ba nne le tshiamelo ya dithotloetso.
Go bona tshedimosetso e nngwe malebana le thuso eno, badirisi ba ka ikgolaganya le Tikwatikwe ya Kgokagano ya Badirisi ya Lefapha la Kgwebo le Madirelo.
Phitlhelelo ya Mananeo a Thekenoloji - Maikemisetso a thuso eno ke go dira tlamelo ya phitlhelelo ya thekenoloji gammogo le phetiso ya bokgoni jo bo maleba le ditirelo tsa tshegetso go Dikgwebo tse di potlana, tse di magareng le tse dikgolwane.
BRAIN: Tomagano ya Phetiso ya Kgwebo, Kgakololo le Tshedimosetso - BRAIN e lwela go tokafatsa bokgoni jwa kgaisano le kgolo ya dikwebo tse di potlana mo Aforika Borwa ka go tlamela ka tshedimosetso e e maleba le e e nang le boleng ya kgwebo.
Kgakololo Malebana le Go ikobela Taolo ya Kgwebo - Maikemisetso a thuso eno ke go thusa dikgwebo go tlhaloganya botoka gore ke melao efe e e amang dikgwebo tsa bona le gore ba ka e ikobela jang botoka.
FRAIN: Tomagano ya Phetiso ya Diforentšhaese le Tshedimosetso - Tomagano ya Phetiso ya Diforentšhaese le Tshedimosetso e e itsegeng ka FRAIN, e lwela go tlamela ka tshedimosetso ya boleng jo bo kwa godimo le tirelo ya tshegetso go batho le dikgwebo tse di potlana go netefatsa gore go nna le kgolo le tokafatso ya dikgwebo tse dintšhwa le tse di ntseng di le gona tsa forentšhaese mo Aforika Borwa.
Lenaneo la Thuthuso - Lenaneo leno ke maiteko a a tlhakanetsweng ke Lefapha la Botaki, Botsweretshi, Saense le Thekenoloji le Lefapha la Kgwebo le Madirelo jaaka batlamedi ba matlole mo e leng gore ditlhopa tsa ditheo (ditlhopa tsa ditlamo, diyunibesithi, mekgatlho jalo le jalo), tse di nang le bokgoni mo lephateng le le rileng di tlamelwang ka matlole go simolola mafelo a thuthuso tsa kgwebo ya thekenoloji. Thuso eno e lebeletse ditlhopa tsa ditheo tse di nang le bokgoni mo lephateng le le rileng mme di ikemisedise go nna le seabe mo porojekeng. Di ikungwela mosola mo lenaneong ka go bona thuso ya ditšhelete ya mafaratlhatlha a mafelo a thuthuso gammogo le ditshenyegelo tsa tsamaiso.
Ditikwatikwe tsa Tirelo ya Dikgwebo tsa Selegae - Lenaneo la Tikwatikwe ya Tirelo ya Dikgwebo tsa Selegae ke lenaneo la botlhokwa mo tsweletsong ya dikgwebo tse di potlana go ralala Aforika Borwa. Lenaneo le tlamela ka mafaratlhatlha go ka kgonang go tlhamiwa ditirisanommogo magareng ga puso, baagi ba selegae, gammogo le lephata la poraefete go ralala naga go fitlhelela maitlhomo le maikaelelo a leano la bosetšhaba la tlhabololo le tsweletso ya dikgwebopotlana mo Aforika Borwa.
MAC: Ditikwatikwe tsa Kgakololo ya go dira dilo - Lenaneo la MAC le tshegetsa le go tlhabolola dikgwebopotlana tse di itirelang dilo. NAMAC e gokaganya le go tsamaisa Mananeo a MAC mo Aforika Borwa.
Bogakolodi - Maikaelelo magolo a Bogakolodi ke go netefatsa gore go nna le phetiso ya bokgoni go tswa go motho go ya go yo mongwe. Bo tlamela ka ditirelo di le pedi e leng ditirelo tsa pele ga kadimo le morago ga kadimo. Mo legatong la pele ga kadimo, bagwebi ba thusiwa ka kgakololo, go khanselwa le tlhabololo ya mananeo a a ka tsenngwang tirisong a kgwebo. Mo legatong la morago ga kadimo, badirisi ba thusiwa ka dintlha tsotlhe tse di malebana le go tsamaisa kgwebo e e ka atlegang jaaka e suilwe ke modirisi, mogakolodi gongwe bona mmogo.
Lenaneo la Kgakololo - Maikemisetso a thuso eno ke go dirisa bagwebi ba ba nang le bokgoni go tlamela ka go khansela go go lebileng motho le ditirelo tsa kgakololo go bagwebipotlana ba ba nang le tshiamelo.
SABS: Thuto ya Thadiso, Tsweletso le Tshegetso ya Tlhabololo ya Ditlhagiswa tse dintšhwa - Setheo sa Thadiso sa SABS se diragatsa tlhabololo ya ikonomi le thekenoloji mo Aforika Borwa ka go tsweletsa mosola wa thadiso ka maikaelelo a go tokafatsa khomo ya setšhaba sotlhe. Maiteko a setheo sa Thadiso sa SABS a lebeletse mo THUTONG YA THADISO, INDASETERI le TSHEDIMOSETSO, mme a akaretsa dikema tsa dikgele le diphasalatso tsa thadiso di le mmalwa.
SABS: Katiso ya Tsamaiso ya Boleng - Badiri ba karolo ya Thuto, Katiso le Tlhabololo mo SABS, ba itlamile go tlamela ka tirelo ya boleng e e fitlhelelang ditlhokego tsa badirisi ba rona mme e kgotsofatsa ditsholofelo tsa bona.
Thuso e e Tobisitsweng - E gokaganya go tlhamiwa ga tikologo e e kgontshang go tsweletsa kgolo le tlhabololo ya dikgwebo tse beng le batsamaisi ba tsona e leng batho ba ba sa itekanelang mo mmeleng, bašwa le basadi gammogo le go tsweletsa tlhabololo ya bagwebi ba kwa magaeng.
Lenaneo la Tikwatikwe ya Kgakololo ya Dithendara - Lenaneo la Tikwatikwe ya Kgakololo ya Dithendara le lebeletse dikgwebo tse di potlana tse di nang le badiri ba ka nna 5 go ya go 50 ba ba mo di-indasetering tsa kago, go itirela gammogo le ditirelo.
Lenaneo la Tlhabololo ya Kgwebo le Dipeeletso - Lenaneo leno le diretswe go thusa dikgwebo tse di potlana mo Aforika Borwa go tlhabolola bokgoni jwa tsona jwa go gaisana mo mebarakeng ya boditšhabatšhaba.
CSIR: Patlisiso - Dikago le go aga - Thekenoloji ya CSIR ya Dikago le go aga e tlamela ka bokgoni mo maphateng a a latelang: Tsamaiso ya tlhabololo, togamaano le tsamaiso ya ditlamelo, thekenoloji ya go aga, mafelobonno a a nnelang ruri a batho, saense ya boenjiniri jwa melelo, dimateriale gammogo le seramiki.
CSIR: Dipatlisiso - Dikhemikhale - Bokgoni mo lephateng la dikhemikhale bo lebeletse dipatlisiso, tlhabololo le go tsenngwa tirisong, gammogo le mo ditlamelong tsa ditlhatlhobo tsa ka gale.
CSIR: Dipatlisiso - Thibelo ya Bosenyi - Setheo sa CSIR se na le seabe sa botlhokwa jaaka setheo sa tshegetso mo lephateng la thibelo ya bosenyi le thekenoloji ya ntwa. Setlhopa se se bokgoni-bontsi sa baitseanape ba ba bokgoni jo bo akaretsang maphata a a farologaneng a saense le thekenoloji, se tsweletsa diporojeke tse di kgethegileng tsa thibelo ya bosenyi.
CSIR: Dipatlisiso - Phemelo le Saense ya Tiriso le Phofiso ya Difofane - Thuto, thadiso, tlhatlhobo le tshekatsheko ya difofane le dibetsa tsa lefaufau; kopanyo ya mabolokelo; kgakololo le tshegetso malebana le rada; ditlhagiswa tsa maitirelo tsa matlhale; ntwa ya tshedimosetso; ntwa ya eleketoroniki; taelo le taolo; popo le go bopa; boenjiniri jwa thulaganyo ya eleketoroniki; le, thekenoloji ya thulaganyo ya taolo ya difofane.
CSIR: Dipatlisiso - Dijo, Dino le Botshwaratlhapi - Go tlamela ka ditirelo tse di ikaegileng ka thekenoloji go, magareng ga tse dingwe, di-indaseteri tsa dijo, dino, tlamelo ya dijo, ditlolo, dikhemikale, dikgwebopotlana le temothuo.
CSIR: Thekenoloji ya Tshedimosetso - Ditiragalo tsa thekenoloji ya tshedimosetso, tlhaeletsano le thekenoloji ya mo lefaufaung di farologane go tswa go tshegetso ya go tlhomiwa ga sathalaete le tlamelo ya ditharabololo tsa tshedimosetso-fatshe, go ya go tsa tlhabololo ya thekenoloji e e tlwaelegileng gammogo le bogakolodi jwa Thekenoloji ya Tshedimosetso le tlhaeletsano, go ya gape go baya peo ya thekenoloji ya isago ka tshimololo ya maiteko a mantšhwa le go tlhama dikgwebo tsa dijitale.
CSIR: Dipatlisiso - Boitirelo le Dimateriale - Dipatlisiso le ditharabololo tsa thekenoloji tse di lebisang kwa tsweletsong ya kgwebo, pholesi, kgodiso ya dikgwebo tse dipotlana tsa boitirelo, tlhabololo ya thulaganyo le kgodiso, tlhamo ya ditlhagiswa gammogo le tlhabololo le boenjiniri jwa dimateriale. Go tlamelwa ka ditharabololo tse di kopaneng tsa dikgwetlho tse di marara tsa boitlhamelo ka go kopanya thekenoloji le kgodiso ya thulaganyo ya kgwebo gammogo le katiso le thuto e e tlhokegang.
CSIR: Dipatlisiso - Meepo, Ditshipi le Diminerale - Bokgoni jwa boenjiniri jwa majwe le tlhabololo ya didiriswa tsa go tshola ditiro tsa go epa di babalesegile go ntse go okediwa kelo ya kepo: tlhabololo ya mekgwa e mentšhwa le didiriswa tsa go thibela dithunyo ka fa tlase ga mafatshe gammogo le go fokotsa kgotlhedi tse di fitlhelwang mo mowing di tshwana le mogote, lerole le phasalatso ya mogote, gammogo le tokafatso ya seelo sa tlhagiso le pabalesego ka go dira gore ditiro tsa meepo di dirwe ka metšhini gammogo le go tlhabololo didiriswa le mekgwa e e ka godisang togamaano ya meepo ya pakakhutshwane le pakatelele.
CSIR: Dipatlisiso - Metsi, Tikologo le Jalo ya Dikgwebo - Thekenoloji ya tshekatsheko le tsamaiso ya tikologo, ditlamelo tsa lefatshe, jalo ya dikgwa le ditlhagiswa tsa dikgwa, tsamaiso ya ditlamelo tsa metsi, tlhabololo ya mabopo le ditlamelo tsa lewatle.
Thekenoloji ya Basadi ba ba mo Kgwebong - Puso ya Aforika Borwa, ka Lefapha la yona la Kgwebo le Madirelo, e bontshitse maitlhomo a yona a go tsweletsa basadi ba ba mo kgwebong ka go tlhama Lenaneo la Bosetšhaba la Thekenoloji ya Basadi ba ba mo Kgwebo le le itsegeng jaaka TWIB. TWIB ke maiteko a maikaelelo a ona e leng go atolosa phitlhelelo ya saense le thekenoloji go basadi ba ba mo kgwebong, bogolo segolo ba dikgwebo tse di potlana. Ke lenaneo la bosetšhaba le le ka fa welang ka fa tlase ga taolo ya Lefapha la Kgwebo le Madirelo.
Thulaganyo ya Aforika Borwa ya Boleng jo bo lekanyediwang - Thulaganyo ya Aforika Borwa ya Boleng jo bo lekanyediwang ke mokgwa o o akaretsang wa boleng jo bo lekanyediwang go tswa mo pusong, e e thadiseditsweng go tokafatsa bokgoni jwa kgaisano jwa dikgwebo tsa Aforika Borwa ka kakaretso.
SABS: Thuto ya Thadiso, Tsweletso le Tshegetso ya Tlhabololo ya Ditlhagiswa tse Dintšhwa - Setheo sa Thadiso sa SABS se rotloetsa tlhabololo ya ikonomi le thekenoloji mo Aforika Borwa ka go tsweletsa mosola wa thadiso ka maikaelelo a go tokafatsa kgatelopele ya setšhaba sotlhe. Maiteko a Ditheo tsa Thadiso tsa SABS di lebeletse THUTO YA THADISO, DI-INDASETERI LE TSHEDIMOSETSO, mme di akaretsa dikema tse di gapileng dikgele di le mmalwa gammogo le diphasalatso tsa thadiso.
SABS: Tshedimosetso ya Seemo sa Boditšhabatšhaba - Tikwatikwe ya Tshedimosetso ya Biro ya Seemo ya Aforika Borwa ke lefelo la gago la ntlha la tshedimosetso le seemo. E tlamela ka seemo, ditlhokego tse di totobaditsweng, maitsholo a tiro le ditsela tsa ditlhatlhobo tsa mabaka a tshupetso.
SABS: Katiso ya Tsamaiso ya Boleng - Badiri ba karolo ya Thuto, Katiso le Tlhabololo ya SABS ba itlamile go tlamela ka tirelo ya boleng e e fitlhelelang ditlhokego tsa badirisi ba bona mme di kgotsofatsa ditsholofelo tsa badirisi.
Go aga bokgoni jwa gago jwa Thomelontle - Lefapha la Kgwebo le Madirelo le thusa baromelantle go aga bokgoni jwa bona jwa thomelontle, ka go oketsa bokgoni jwa bona jwa go tlhagisa ditlhagiswa tse di kgonang go romelwa ntle ka lenaneo le le tsamaisiwang ke Ntsika la TIDP. Lenaneo le letla baromelantle go tokafatsa thadiso ya ditlhagiswa, thulaganyo ya tlhagiso, seemo sa setegeniki, go phuthelwa gammogo le bokgoni jwa go bapatsa.
Tirelo ya Bogakolodi ya Thomelontle - Lefapha la Kgwebo le Madirelo le tlamela ka kgakololo e e ka ga mokgwa wa go romela ntle ka bonnye dipotso tse di bodiwang gantsi tse di tlhalositsweng sentle di le 31 di na le dikarabo tsa tsona tse di malebana le thomelontle go tswa mo Aforika Borwa, mabaka a gore goring moromelantle a tshwanetse go romela ntle go tswa mo Aforika Borwa, dithulaganyo le ditiko tse di tlhalositsweng sentle tsa thomelontle, le tshedimosetso ya tlaleletso e tshwana le dikhoutu tsa tefiso, diforomo, le makwalo a a tshwanetseng go tladiwa.
Go bona tshedimosetso e nngwe malebana le thuso eno, badirisi ba ka ikgolaganya le Tikwatikwe ya Kgokagano ya Badirisi ya Lefapha la Kgwebo le Madirelo.
Tshedimosetso ka Mebaraka ya Thomelontle - Lefapha la Kgwebo le Madirelo le tlamela badirisi ka tshedimosetso e e ka ga mebaraka ya thomelontle le ditshono, dikarabo tsa dipotso tse di bodiwang gantsi, dipegelo tsa dinaga, dipegelo tsa dipatlisiso tsa mebaraka le dibukana tse di ka ga ditumelano tsa kgwebisano e e gololesegileng. Badirisi ba tla itsesewe ka ga ditlhokego tsa go tsena mo mebarakeng ya dinaga di sele le go supa mebaraka ya thomelontle e e ka dirisediwang ditlhagiswa tsa bona. Thuso eno e lebeletse Dikgwebo tse di potlana, Dikgwebo tsa maatlafatso ya Bantsho, Dikgwebo tsa maatlafatso ya Basadi, le baromelantle ba bagolwane, ba ba tla ikungwelang mosola ka go itse mebaraka e Aforika Borwa e e lebeletseng malebana le ditumelano tsa kgwebisano le thomelontle ya ditlhagiswa.
Go bona tshedimosetso e nngwe malebana le thuso eno, badirisi ba ka ikgolaganya le Tikwatikwe ya Kgokagano ya Badirisi ya Lefapha la Kgwebo le Madirelo.
Khiti ya tshekatsheko ya go siamela go romela ntle - Lefapha la Kgwebo le Madirelo le tlamela ka lenanepotso la ithuso go thusa ba ba nang le bokgoni jwa go romela ntle go lemoga seelo sa go siamela go romela ntle.
Nyalanyo ya baromelantle ba Aforika Borwa le bareki ba dinaga di sele - Maitlhomo magolo a thuso eno ke go golaganya baromela ntle ba Aforika Borwa ba ditlamo tse di siametseng go romela ntle le bareki ba dinaga di sele gongwe batho ba ba nang le bokgoni jwa go romela teng. Thuso eno e tla thusa gape baromela ntle ba Aforika Borwa go atolosa mebaraka ya bona ya dinaga di sele.
Ditlamo tsotlhe tse di romelang ntle le tse di siametseng go romela ntle, go akarediwa le Dikgwebo tse di potlana le Dikgwebo tse di maatlafatsang basadi, di ka fitlhelela thuso eno. Baromelateng le baromelantle ba sekasekiwa go ya ka ditlhokego tse di farologaneng go ya ka bokgoni jwa bona jwa go tsibogela ditlhokego tsa bona. Jaanong go nyalanngwa ditlamo tse di gaisang mme go gokaganngwa kitsisano. Lefapha la Kgwebo le Madirelo le tla katisa le go tlhokomela botsalano jo bo sa ntseng bo simologa go fitlhelela bo setse bo sireletsegile mme go setse go na le ditumelano.
Go bona tshedimosetso e nngwe malebana le thuso eno, badirisi ba ka ikgolaganya le Tikwatikwe ya Kgokagano ya Badirisi ya Lefapha la Kgwebo le Madirelo.
Lenaneo la Bosetšhaba la Go tsaya karolo mo Indasetering - Go tsaya karolo mo Indasetering ke lenaneo le ikaelelang go bona ditshiamelo tsa ikonomi le go tshegetsa tlhabololo ya indaseteri ya Aforika Borwa ka go dirisa ka bokgoni didiriswa tsa theko ya dithoto tsa puso. Lenaneo leno le le itsegeng ka NIP, le tshwanetse go dirisiwa mo dithekong gongwe dikonterakeng tsotlhe tsa khiro (dithoto le ditirelo) tsa puso gongwe tsa ditheo tse di thusiwang ke puso ka matlole tse di nang le diteng tsa thomeloteng tse di lekanang gognwe di feta dimilione tsa didolara tsa Amerika di le 10 (US$10m).
Kgakololo ya Badirisi le Diphetiso - Lefapha la Kgwebo le Madirelo le tsamaisa peomolao e e tlamelang badirisi ka tshireletso mo mabakeng a le mmalwa. Peomolao e tlamela badirisi ka tshireletso kgatlhanong le dikgwebo tse di senang nnete le go laola maitsholo a bomatšhonisa, dibanka le bagwebi ba ba rebolang dithoto ka molato gammogo le barekisi ba dithoto tsa dikago. Modirisi mongwe le mongwe yo o itemogelang mathata malebana le tse di fa godimo a ka tsenya ngongorego gongwe go kopa thuso le kgakololo.
Letlole la mafaratlhatlha a botlhokwa - Lenaneo la Mafaratlhatlha a Botlhokwa le tlamela ka thuso ya ditšhelete e e tobileng tlhabololo ya mafaratlhatlha a mantšhwa gongwe go tokafatsa a a ntseng a le gona a maitlhomo a ona e leng go tshegetsa gongwe go tlamela ka tirelo go diporojeke tse dintšhwa tsa peeletso, katoloso ya diporojeke tse di ntseng di le gona tsa peeletso, gongwe, mo mabakeng a a riling fela, diporojeke tse di ntseng di le gona tsa peeletso.
Tšhelete ya Thuso ya Dipeeletso tsa Dinaga di sele - Tšhelete ya Thuso ya Dipeeletso tsa Dinaga di sele e ikaelela go rotloetsa bagwebi ba dinaga di sele go beeletsa mo dikgwebong tse dintšhwa tsa boitirelo tsa Aforika Borwa ka go duelela mogwebi wa dinaga di sele ditshenyegelo tse di nang le tshiamelo tsa go sutisa metšhini e mentšhwa le didiriswa go tswa kwa moseja ga Aforika Borwa.
Ditetlo tsa Dithoto tse di umang- Maikemisetso a thuso eno ke go fokotsa palo ya dirori le dipopego tse di agwang mo gae go tlhakane le dipeeletso tse di okeditsweng gammogo le diromelwa ntle tse di nang le diteng tse di oketsegileng tsa selegae. Thuso eno e tla bolokela badirisi tšhelete ka go dirisa setifikeiti sa pusetso go thibela lekgetho la thomeloteng mo dikoloing tsa diromelwateng tse di agilweng.
Lenaneo la Tshegetso ya Bokgoni - Lenaneo la Tshegetso ya Bokgoni ke thuso ya ditšhelete go tlhabolola bokgoni ka maitlhomo a go rotloetsa peeletso e kgolwane mo katisong le mo go tlhameng ditshono tsa go itsese bokgoni jo bontšhwa jo bo tokafaditsweng.
Diporojeke tsa Togamaano tsa Indaseteri - Lenaneo le emetse kgato ya thibololo ya puso go godisa seelo sa peeletso ya lephata la poraefete mo dikgwebong tsa boitlhamelo, tse di nang le lotseno le tse di dirang kgwebo mo Aforika Borwa, le ntse le tlhola ditshono tsa ditiro mo lephateng la indaseteri.
Lenaneo la Danida la Kgwebo-go-Kgwebo, Sekema sa Netefaletso ya Tseisomolato - Maitlhomo a Lenaneo la Kgwebo-go-Kgwebo ke go tlhabolola le go tiisa ditšhono tsa kgwebo gammogo le go tlholela ditiro batho ba go nang le kgonagalo ya gore e ka nna bagwebi mme ba tswa mo baaging ba ba sa bolong go timiwa ditšhono.
Sekema sa bagwebipotlana ba ba tlhagelelang, Sekema sa Netefaletso ya Tseisomolato - Sekema sa Bagwebipotlana ba ba tlhagelelang se tlamela ka go fitlhelela go bokana ka R100 000 mme tšhelete eno e duelelwa pele ka diperesente di le nne (4%) ka ngwaga. Kwa tshimologong, sebaka e nna dikgwedi di le 24 mme di ka atolosiwa makgetlo a le mararo, sebaka sa dikgwedi di le 12 ka nako nngwe le nngwe. Fano go lebeletswe bogakolodi mo temeng ya kadimo.
Sekema sa maatlafatso, Sekema sa Netefaletso ya Tseisomolato - Sekema sa maatlafatso se tlamela ka tshireletso ya go fitlha go R5m ya ditlamelo tsa banka ka seelo sa 60%, mme tšhelete eno e duelelwa pele ka bokana ka 2,5%. Kwa tshimologong paka e nna dikgwedi di le 36 fela e ka atolosiwa gabedi sebaka sa dikgwedi di le 12 ka nako nngwe le nngwe.
Netefaletso ya motho mongwe le mongwe, Sekema sa Netefaletso ya Tseisomolato - Maikemisetso a sekema sa netefaletso ya mongwe le mongwe ke go kgontsha mogwebi go fitlhelela matlole go tswa kwa bankeng e e nang le seabe gongwe setheo sa ditšhelete. Sekema se kgontsha mogwebi go fitlhelela matlole a maikemisetso a ona e leng go simolola, go atolosa gongwe go reka kgwebo. Go le gantsi ditlamelo tse di sireleditsweng ka fa tlase ga sekema sa netefaletso sa Khula, di akaretsa dikadimo tsa dipaka, kgogophetiso ya banka, molato-tiko (revolving credit), dithekiso tsa karolotuelo, dinetefaletso tsa banka gammogo le dinetefaletso tsa tiragatso ya kago.
Letlole la Terasete la Tsosoloso ya KwaZulu, Sekema sa Netefaletso ya Tseisomolato - Letlole le beets thoko bokana ka R10m go dirisiwa ke bagwebi ba KwaZulu ba dikgwebo tsa bona di amilweng mo go maswe ke dikhuduego tsa go fitlha go 1994. Maikaelelo a letlole leno ke go thusa mo dikgwebo tse di eletsang go tsosolosa ditiro tsa tsona di tlhaelang tšhelete ya kolaterale. Bagwebi ba ka ne ga jaana ba le mo kgwebong e e farologaneng le ya ntlha mme go tla tlhokega bosupi jwa gore tatlhegelo ya kgwebo ya ntlha e ne e bakilwe ke dikhuduego.
Mafelo a Tseisomolato-potlana - Lenaneo la KhulaStart le dirisa mokgwa wa tirisanommogo ya setlhopa (le tlamela ka dikadimo go ditlhopa - e seng batho ka bongwe ka bongwe). Batho ba tshwanetse go ikgobokanya go nna ditlhopa tsa ditokololo di ka nna 3 go ya go 10 mme ba tshwanetse go kgotsofatsa ditlhokego tse di beilweng tsa seabe sa ditlhopa. Sa botlhokwa ke gore setlhopa se tshwanetse go tsamaelana. Dikadimo di ntshiwa ka tlhatlhologano go tloga go R300 go fitlha go R3 500 tokololo nngwe le nngwe mo setlhopeng. Setlhopha se swetsa, go ya ka tiro ya kgwebo nngwe le nngwe gore tokololo nngwe le nngwe e tla amogela bokae, mme se nna moemelamolato wa molato otlhe wa setlhopha.
Matlole a Tekatekanyo a Kgaolo - Botlhokwa jwa matlole a dikotsi (matlole a go lekelela go go kotsi/ tekatekanyo ya poraefete) go tshegetsa Dikgwebo tse di potlana, bogolo segolo tse di etleediwang ke bagwebi ba ba tlhokileng ditšhono mo nakong e e fetileng, ga bo belaetse. Bontsi jwa dibanka le ditheo tsa ditšhelete bo itsisitse matlole a tekatekanyo mo ditlamelong tsa tsona.
Ditšhelete tsa Tsereganyo ya Kgwebo - Dikadimo tsa Kgwebo le Phetolelo ya Dithoto go nna Tšhelete di tlamelwa ke ba ga Khula, mme tsona ke dikadimot se di newang ditheo tsa RFI go di kgontsha go adima bagwebi ba ba tlang go tsweletsa dikgwebo. Bagwebi ba tshwanetse go ikgolaganya le ditheo tsa RFI ka tlhamalalo mme ba seke ba ikgolaganya le ba ga Khula. Ditlamo tse di eletsang go fitlhelela ditlamelo tseno le go nna ditheo tsa RFI ke tsona fela di ka dirang kopo kwa go ba Khula.
Letlole la Tirisanommogo ya Maphata - Letlole la Tirisanommogo ya Maphata le tlamela ka thuso ya ditšhelete go ditirisanommogo tse di theilweng ke difeme/ ditlamo di le tlhano gongwe go feta tse di mo lephateng la boitirelo, tsweletso ya ditlhagiswa tse di tswang mo mmung gongwe di-indaseteri tsa ITC go tlhalosa le go tsenya tirisong diporojeke tsa tirisanommogo tse di amanang le go tlhagisa le go bapatsa go go tla tokafatsang tlhagiso dikuno ya tsona gammogo le seemo sa kgaisano mo mebarakeng ya boditšhabatšhaba.
Lenaneo la Tshegetso ya Bokgoni - Lenaneo la Tshegetso ya Bokgoni le le itsegeng ka SSP, le akaretsa tlamelo ya thuso ya tšhelete ya tlhabololo ya bokgoni ka maitlhomo a go rotloetsa peeletso e kgolwane mo katisong le mo go tlholeng ditšhono tsa kitsiso ya bokgoni jo bo oketsegileng.
Lenaneo la Tlhabololo ya Dikgwebo tse di Potlana - Lenaneo la Tlhabololo ya Dikgwebo tse di Potlana le le itsegeng ka SMEDP, ke thuso ya tšhelete e e dulwang babeeletsi ba selegae le ba dinaga di sele go godisa ditiro tsa bona tsa ga jaana, go lebeletswe dithoto gammogo le ditiro/ diporojeke tse di nang le tshiamelo.
Sekema se se tlhomameng, Sekema sa Netefaletso ya Tseisomolato - Sekema se se Tlhomameng se tlamela ka tshireletso ya go fitlha go R1m ya tlamelo ya banka ka kelo ya 80%, mme tuelo e duelelwa pele ka bokana ka 3%. Kwa tshimologong paka ya sekema ke dikgwedi di le 36 mme e ka atolosiwa gabedi sebaka sa dikgwedi di le 12 nako nngwe le nngwe. Go latelwa ditlhokego tsa ka gale.
Letlole la Netefaletso ya Phetiso ya Thekenoloji, Sekema sa Netefaletso ya Tseisomolato - Maikemisetso a Letlole ke go letla gore go nne le phitlhelelo ya thekenoloji ya selegae le ya boditšhabatšhaba ka go itsese letlole la netefaletso ya phetiso go gokaganya gore Dikgwebo tse di potlana di kgone go fitlhelela thekenoloji ya selegae le ya boditšhabatšhaba, jaaka go tlhokega go ya ka maitlhomo a leano la GEAR go dira gore difeme tse di tlhokang thekenoloji di kgone go e fitlhelela.
Tlamelo ya Tseisomolato ya Pusetso Mafatshe - Tlamelo ya Tseisomolato ya Pusetso Mafatshe ke tlamelo ya kgwebokgolo ya ditšhelete kwa setlamong sa Khula Enterprise Finance Ltd, se maikaelelo a sona e leng go phaphamisa le go rotloetsa go nna le seabe ga lephata la poraefete mo thulaganyong ya Pusetso Mafatshe. Tlamelo ya Tseisomolato ya Pusetso Mafatshe e thusiwa ka matlole ke Lefapha la Merero ya Mafatshe le Mokgatlho wa Kopano ya Yuropa. Tlamelo e fitlhelela maikaelelo a yona ka go rebola dithotloetso go dibanka tsa kgwebo le ditheo tse dingwe tse di rebolang tseisomolato go beeletsa mo diporojekeng tse di kopanetsweng tsa boleng jo bo kwa godimo tsa temothuo le bojanala-tlhago, mme ka go dira jalo e le go bulela dipeeletso tsa lephata la poraefete mo lephateng la temothuo, kgwebo ya temothuo gammogo le bojanala-tlhago.
Letlole la Kgaisano - Maikemisetso a thuso eno ke go letla ditlamo go fitlhelela kitso ka ga thekenoloji e ntšhwa, dithulaganyo tsa go tlhagisa dikuno gammogo le mebaraka go tokafatsa bokgoni jwa tsona jwa go gaisana. E tla netefatsa gore ditlamo di nna le temogo ya thekenoloji e ntšhwa, di kgona go e fitlhelela mme di di dirisa go tokafatsa ntsho dikuno le gore di nna le phitlhelelo e e botoka/ e e tokafetseng ya mebaraka.
Letlole la Tirisanommogo ya Maphata - Letlole la Tirisanommogo ya Maphata le tlamela ka thuso ya ditšhelete go ditirisanommogo tse di theilweng ke difeme/ ditlamo di le tlhano gongwe go feta tse di mo lephateng la boitirelo, tsweletso ya ditlhagiswa tse di tswang mo mmung gongwe di-indaseteri tsa ITC go tlhalosa le go tsenya tirisong diporojeke tsa tirisanommogo tse di amanang le go tlhagisa le go bapatsa go go tla tokafatsang tlhagiso dikuno ya tsona gammogo le seemo sa kgaisano mo mebarakeng ya boditšhabatšhaba.
Lenaneo la Tshegetso ya Bokgoni - Lenaneo la Tshegetso ya Bokgoni le le itsegeng ka SSP, le akaretsa tlamelo ya thuso ya tšhelete ya tlhabololo ya bokgoni ka maitlhomo a go rotloetsa peeletso e kgolwane mo katisong le mo go tlholeng ditshono tsa kitsiso ya bokgoni jo bo oketsegileng.
Lenaneo la Tshegetso la Boitlhamelo jwa Indaseteri - Lenaneo la Tshegetso la Boitlhamelo jwa Indaseteri ke lenaneo le le tsentsweng tirisong go tsweletsa go itirelwa ga ditlhagiso tse di supang bokgoni jwa boitlhamelo jwa thekenoloji gongwe dithulaganyo tsa Aforika Borwa tse di ka kgonang go gaisana go ralala lefatshe.
Lenaneo la Thekenoloji ya Badiri ba Indaseteri - Lenaneo la Thekenoloji ya Badiri ba Indaseteri ke thotloetso e mo go yona indaseteri le puso di kolekelang maiteko a patlisiso a balekane ba barutegi, bogolo segolo mo lephateng la katiso ya baithuti.
Letlole la Netefaletso ya Phetiso ya Thekenoloji - Maikemisetso a Letlole ke go letla gore go nne le phitlhelelo ya thekenoloji ya selegae le ya boditšhabatšhaba ka go itsese letlole la netefaletso ya phetiso go gokaganya gore Dikgwebo tse di potlana di kgone go fitlhelela thekenoloji ya selegae le ya boditšhabatšhaba, jaaka go tlhokega go ya ka maitlhomo a leano la GEAR go dira gore difeme tse di tlhokang thekenoloji di kgone go le fitlhelela.
Letlole la Netefaletso ya Phetiso ya Thekenoloji - Maikemisetso a Letlole ke go letla gore go nne le phitlhelelo ya thekenoloji ya selegae le ya boditšhabatšhaba ka go itsese letlole la netefaletso ya phetiso go gokaganya gore Dikgwebo tse di potlana di kgone go fitlhelela thekenoloji ya selegae le ya boditšhabatšhaba, jaaka go tlhokega go ya ka maitlhomo a leano la GEAR go dira gore difeme tse di tlhokang thekenoloji di kgone go le fitlhelela.
Sekema sa Thuso ya Papatso ya Diromelwantle le Dipeeletso - Maikemisetso a thuso e e welang ka fa tlase ga Sekema sa Thuso ya Papatso ya Diromelwantle le Dipeeletso ke go thusa ka bontlhabongwe, baromelantle ka ditshenyegelo dingwe tse di malebana le ditiro tse maikaelelo a tsona e leng go simolola mebaraka ya thomelontle e e tla dirisiwang ke ditlhagiswa le ditirelo tsa Aforika Borwa gammogo le go ngokela peeletso e ntšhwa ya tlhamalalo ya dinaga di sele go tla mo Aforika Borwa.
Ditetlo tsa Dithoto tse di umang- Maikemisetso a thuso eno ke go fokotsa palo ya dirori le dipopego tse di agwang mo gae go tlhakane le dipeeletso tse di okeditsweng gammogo le diromelwa ntle tse di nang le diteng tse di oketsegileng tsa selegae. Thuso eno e tla bolokela badirisi tšhelete ka go dirisa setifikeiti sa pusetso go thibela lekgetho la thomeloteng mo dikoloing tsa diromelwateng tse di agilweng.
Dizounu tsa Tlhabololo ya Indaseteri - Dizounu tsa Tlhabololo ya Indaseteri ke dithoto tsa indaseteri tse di nang le tlhagiso e e sa kgethisiweng ya diromelwantle, tlamelo ya ditsela tsa go rorwa, ditlamelo gammogo le ditirelo tse di rulaganyeditsweng di-indaseteri tsa thomelontle. Ka tshwanelo di botoka thata di le gaufi le maemelakepe gongwe maemelafofane go kgontsha gore go nne le phitlhelelo e e bonako go mebaraka ya kwa moseja.
Ditshwanelo tsa Badirisi ke eng?
Jaaka Molao o laela, kopo e tshwanetse go tla e na le tuelo ya R35.
Motlhankedi wa Tshedimosetso wa Lefapha la Kgwebo le Madirelo o amogela le go tlhomamisa kopo go bona gore a tshedimosetso e e tlhokegang e gona mo Lefapheng. Morago ga moo kopo e a amogelwa, e gangwe gongwe e fetisediwe kwa batshoding ba ba maleba ba tshedimosetso e e tlhokegang. Jaanong go romelwa pegokamogelo go mokopi go tlhomamisa seemo sa kopo.
Fa kopo e amogetswe, Lefapha la Kgwebo le Madirelo le tla kokoanya le go rulaganya tshedimosetso gammogo le go tlhakanyetsa ditshenyegelo tse di tla nnang gona. Ditshenyegelo di tlhakanyediwa go ya ka tema 7.6.
Mokopi o tla itsesewe ka gore kopo e diragaditswe gammogo le ka tuelo e e tshwanetseng go duelwa Lefapha la Kgwebo le Madirelo.
Fa tuelo e e tlhalositsweng mo Kgato 4 e amogetswe (go latela thulaganyo ya tuelo jaaka e tlhalositswe mo Kgato 1), mokopi a ka gololelwa tshedimosetso.
Aterese ya poso gongwe nomoro ya fekese ya mokopi.
Mokopi o tshwanetse go tlhalosa gore o tlhoka tshedimosetso gore a kgone go diragatsa gongwe go sireletsa tshwanelo, mme a tlhalose ka botlalo mofuta wa tshwanelo e e yang go diragadiwa gongwe go sirelediwa.
Setheo se tla tsamaisa thulaganyo ya kopo mo sebakeng sa malatsi a le 30, ntle le fa fela mokopi a tlhagisitse mabaka a a kgethegileng a a ka kgotsofatsang motlhankedi wa tshedimosetso gore mabaka a pateletsa gore go seke ga ikobelwa dipaka tse di fa godimo. Paka ya malatsi a le 30 e setheo se tshwanetseng go swetsa mo go yona gore a ke se rebola gongwe ga se rebole kopo e ka atolosiwa ka sebaka se se sa feteng malatsi a le 30 fa kopo e le ya tshedimosetso e ntsi thata, gongwe kopo e tlhoka gore go batliwe tshedimosetso e e tshotsweng ke kantorong e nngwe ya setheo mme go sa kgonege gore tshedimosetso e ka bonwa mo sebakeng se se beilweng sa malatsi a le 30. Setheo se tla itsese mokopi ka lekwalo fa go ka tlhokega katoloso.
Fa kopo e dirwa mo boemong jwa motho yo mongwe, foo mokopi o tshwanetse go tlhagisa bosupi jwa seemo se mokopi a dirang kopo ka sona go kgotsofatsa motlhankedi wa tshedimosetso.
Fa motho a sa kgone go tlatsa foromo e e rebotsweng ka ntlha ya go tlhoka kitso ya go buisa le go kwala gongwe go sa itekanelang mo mmeleng, motho wa go nna jalo a ka dira kopo ka molomo. Mokopi o tshwanetse go duela tuelo e e rebotsweng pele ga go ka tswelelwa pele ka thulaganyo.
Tuelo ya kopo, e e ka nnang tuelo e e tlhomameng; le tuelo ya phitlhelelo, e e tshwanetseng go tlhakanyediwa go lebeletswe ditshenyegelo tsa go tlhagisa gape, patlo le nako le ditshenyegelo tsa thulaganyo, gammogo le ditshenyegelo tsa poso.
Fa kopo e amogetswe ke Motlhankedi wa Tshedimosetso, motlhankedi wa go nna jalo o tla itsese mokopi, ntle le fa e le mokopi wa sebele, gore go tlhokega gore a duele tuelo e e rebotsweng ya kopo (fa e le gona), pele ga go tsweletsa thulaganyo epe ya tiragatso ya kopo.
Fa patlo ya rekoto e setse e dirilwe mme go thulaganyo ya go baakanya rekoto go rebolwa, go akarediwa le thulaganyo ya go dira gore e bonwe ka sebopego se e kopilweng ka sona, e tlhoka go feta diura tse di rebotsweng mo melawaneng ya mabaka ano, motlhankedi wa tshedimosetso o tla itsese mokopi gore a duele karolo ya tuelo ya phitlhelelo e e rebotsweng e e tla tshwanelwang go duelwa fa kopo e rebotswe.
Motlhankedi wa tshedimosetso ga a kitla a golola rekoto go fitlhelela mokopi a sena go duela tuelo jaaka e tlhalositswe mo Mametlelelo 2.
Mokopi yo kopo ya gagwe ya phitlhelelo ya rekoto e rebotsweng, o tshwanetse go duela tuelo ya phitlhelelo ya go tlhagisiwa gape le patlo le paakanyo, le ya nako e e tlhokegang e e fetang diura tse di rebotsweng tsa patlo le paakanyo ya rekoto e e rebolwang, go akarediwa go dira dithulaganyo tsa go dira gore e fitlhelelwe ka sebopego se e kopilweng ka sona.
Fa go ne go duetswe tšhelete ya dipositi malebana le kopo ya phitlhelelo e e gannweng, foo motlhankedi wa tshedimosetso yo o amegang o tshwanetse go duela mokopi tšhelete ya dipositi.
Malebana le kwalololo ya ditshwantshopono a. malebana le tsebe ya bogolo jwa A4 gongwe karolo ya teng b.
Malebana le kwalololo ya rekoto ya kutlo a. malebana le tsebe ya bogolo jwa A4 gongwe karolo ya teng b.
Malebana le kwalololo ya rekoto ya kutlo a. malebana le tsebe ya bogolo jwa A4 gongwe karolo ya teng b.
Go batla le go bakaanyetsa rekoto go rebolwa, ke R15,00 ura nngwe le nngwe gongwe karolo ya ura, go sa akarediwe ura ya ntlha, e e tlhokegang go batla le go baakanya rekoto eo.
Tuelo ya go posa e duelwa fa go tlhokega gore khopi ya rekoto e posediwe mokopi. Ditshenyegelo tsa go posa di laolwa ke tuelo e e maleba go ya ka lefelo le go posediwang go ya kwa go lona.
o tshedimosetso e e senolwang ka boikanyo ke motho wa boraro go setheo, fa tshenolo eo e ka bakela motho wa boraro dithapolo mo dipuisanong gongwe mo kgaisanong ya kgwebo.
Tshedimosetso ya patlisiso ya setheo gongwe ya motho wa boraro, fa e le gore tshenolo ya yona e ka senola sesupo sa setheo, mmatlisisi gongwe setlhogo sa patlisiso mme se ka bakela patlisiso dithapolo tse di tseneletseng.
Dikopo tsa tshedimosetso tse di bonalang gore di tletse metlae gongwe borumolano, gongwe tse di akaretsang go sutisiwa go go tlhokegang ga ditlamelo di tla ganwa.
Mokopi a ka tsenya boikuelo jwa ka fa gare kgatlhanong le tshwetso ya motlhankedi wa tshedimosetso wa setheo sa setšhaba o go gana ka kopo ya phitlhelelo; kgotsa o e tserwe go ya ka karolo 22, 26 kgotsa 29 , malebana le mokopi le bothati jo bo maleba.
Motho wa boraro a ka tsenya boikuelo jwa ka fa gare kgatlhanong le motlhankedi wa tshedimosetso wa setheo sa setšhaba se se kailweng mo tema (a) ya tlhaloso ya "setheo sa setšhaba" mo Karolo 1 go rebola kopo ya phitlhelelo.
o fa seno se le maleba, bo tshwanetse go tla le tuelo e e rebotsweng ya boikuelo, mme go tshwanetse ga tlhalosiwa aterese ya poso gongwe nomoro ya fekese.
Fa boikuelo bo tsenngwa morago ga go wela ga paka e e kailweng, bothati jo bo maleba bo tshwanetse gore, morago ga go bona mabaka a a utlwalang, bo letle go tsenngwa thari ga boikuelo.
Fa bothati joo jo bo maleba bo sa letle go tsennga ga boikuelo thari, bo tshwanetse go naya motho yo o tsentseng boikuelo kitsiso ya tshwetso.
Mokopi yo o tsenyang boikuelo kgatlhanong le go ganwa ga kopo ya gagwe ya phitlhelelo o tshwanetse go duela tuelo e e rebotsweng ya boikuelo (fa e le gona).
Fa tuelo e e rebotsweng ya boikuelo e tshwanetse go duelwa mabapi le boikuelo, tshwetso ya boikuelo e ka diegisiwa go fitlhelela tuelo e duelwa.
mme fa boikuelo bo le kgatlhanong le go ganwa gongwe thebolo ya kopo ya phitlhelelo, leina, aterese ya poso, nomoro ya mogala le ya fekese gammogo le aterese ya poso ya eleketoroniki, nngwe le nngwe e e leng gona, ya motho wa boraro yo o tshwanetseng go itsesewe ka ga kopo.
Ka letlha le go neng go wediwa manyuale ono, Komišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa e ne e ise e rulaganye kaedi e e kabakanngwang mo Karolo 10 ya Molao. Kaedi e tla nna le tshedimosetso e e ka batlwang ke motho yo o eletsang go diragatsa tshwanelo nngwe le nngwe e e kabakanngwang mo Molaong.
Karolo 10 e tsene mo tirisong ka 15 Tlhakole 2002 go ya ka Molawana 187.
Ene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa e newa dikgwedi di le somerobedi go rulaganya Kaedi go tloga ka letlha le o tsentsweng tirisong ka lona. Kaedi e tla bo e le gona ka kgwedi ya Phatwe 2003.
Lefapha la Kgwebo le Madirelo le amana le botlhe ba ba nang le kgatlhego mo go tlhamiweng ga Pholesi ya Kgwebo le Madirelo ka dikopano tse di rulagantsweng, diphasalatso le dikopano tsa dipuisano le thutano ka ditheo tsa semolao di tshwana le Khansele ya Bosetšhaba la Tlhabololo ya Ikonomi le Badiri la NEDLAC, Komiti ya Potefolio ya Kgwebo le Madirelo, Boto ya Kelotefo le Kgwebo, Komiti ya Ditiro tsa Kgwebo le Merero ya Badirisi, jalo le jalo. Ka nako ya dikamano tseno, ba ba nang le kgatlhego ba nna le seabe, ba amogele ditlhaloso mme ba nne le tshususumetso mo dipholesing le mananeo a a tsamaisiwang ke Lefapha la Kgwebo le Madirelo.
Ba ba nang le kgatlhego mme go lebeletswe gore ba nne le seabe mo dikopanong tseno ba akaretsa ditlhopa tse di farologaneng tsa loago di tshwana le tsa kgwebo, badiri, ditheo tsa puso le mafapha gammogo le baagi ka kakaretso.
Gore a dikamano le ba ba nang le kgatlhego di diragadiwa sentle go lekanyediwa gangwe ka ngwaga ka dipatlisiso tsa ba ba nang le dikgatlhego, gammogo le boleng le bokgoni jo bo tokafetseng jwa dithuso tsa Lefapha la Kgwebo le Madirelo e le ka ntlha ya dikamano le ba ba nang le seabe.
Nomoro ya tshupetso:...
Kopo e amogetswe ke...
Tlhalosa maemo, leina le sefane motlhankedi wa tshedimosetso/ mothusamotlhankedi wa tshedimosetso ka letlha kwa ...lefelo.
Tuelo ya kopo (fa ele gona): R...
Depositi (fa e le gona): R...
Tuelo ya phitlhelelo: R...
B. Dintlha tsa motho yo o dirang kopo ya go fitlhelela direkoto a Dintlha tsa motho yo o dirang kopo ya phitlhelelo ya rekoto dit shwanetse go kwalwa fa tlase..
b Tlhagisa aterese le/kgotsa nomoro ya fekese mo Repaboliking koo tshedimosetso e tshwanetseng go romelwa gona.
c Go tsenngwe bopaki jwa seemo se kopo e dirwang ka sona, fa go le maleba.
Maina ka botlalo le sefane:...
Aterese ya Poso:...
Nomoro ya Fekese:...
Nomoro ya mogala: Aterese ya Poso ya E:...
Karolo eno e tshwanetse go tladiwa fa FELA kopo ya tshedimosetso e dirwa mo boemong jwa motho yo mongwe.
Maina ka botlalo le sefane:...
D. Dintlha ka ga rekoto a Tlamela dintlha ka botlalo tebang le rekoto e go kopiwang phitlhelelo ya yona, go akarediwa le nomoro ya tshupetso fa o e itse, go kgontsha gore rekoto e kgone go bonwa.
b Fa sebaka se se tlametsweng se sa lekana o kopiwa tsweetswee go tswelela mo tsebeng e nngwe mme o e kopanye le foromo eno. Mokopi o tshwanetse go saena ditsebe tsotlhe tsa tlaleletso.
Nomoro ya tshupetso, fa e le gona:...
Dintlha dingwe tsa tlaleletso ka ga rekoto:...
E. Dituelo a Kopo ya phitlhelelo ya rekoto, ntle le ya rekoto e e nang le tshedimosetso ya sebele ka ga gago, e tla tswelediwa fela morago ga gore tuelo ya kopo e duelwe.
b O tla itsesewe ka tlhotlhwa e e tshwanetseng go duelwa jaaka tuelo ya kopo.
c Tuelo e e duelelwang phitlhelelo ya rekoto e laolwa ke sebopego se phitlhelelo e batliwang ka sona gammogo le nako e e utlwalang e e tlhokegang go batla le go siamisa rekoto.
d Fa o na le tetlo ya go gololwa mo tuelong ya tuelo nngwe fela, tsweetswee tlhalosa mabaka a seo.
Mabaka a go gololwa mo go dueleng dituelo:...
Fa o thibelwa ke go sa itekanelang sentle mo mmeleng go buisa, go bogela gongwe go reetsa rekoto ka sebopego sa phitlhelelo se go tlametsweng ka sona mo 1 le 4 fa tlase fano, tlhalosa bogole jo bo mo mmeleng ga gago mme o tlhalose gore o kopa rekoto ka sebopego sefe.
Tshwaya bokoso e e maleba ka "X".
a Tlhagiso ya gago tebang le sebopego se se kopiwang sa phitlhelelo e laolwa ke sebopego se rekoto e leng mo go sona.
b Phitlhelelo mo sebopegong se e kopilweng ka sona e ka ilediwa mo mabakeng mangwe. Mo mabakeng ao, o tla itsesewe fa e le gore phitlhelelo e ka rebolwa ka sebopego se sengwe.
Fa rekoto e na le ditshwantsho tse di bogelwang - tsona di akaretsa ditshwantsho, diselaete, ditshwantsho tsa video, ditshwantsho tse di dirilweng ka khomphiutara, dithadiso, jalo le jalo.
Fa o kopile khopi kgotsa kgatiso ya rekoto (fa godimo), a o eletsa gore khopi gongwe kgatiso e romelwe ka poso kwa go wena?
Go na le tuelo ya go posa.
Ela tlhoko gore fa rekoto e seo ka puo e o e tlhopileng, o ka newa phitlhelelo ka puo e rekoto e leng mo go yona.
O ka eletsa gore rekoto e nne mo puong efe..?
O tla itsesewe ka lekwalo gore a kopo ya gago e rebotswe/ ganetswe. Fa o eletsa gore o itsesewe ka mokgwa mongwe fela, tsweetswee tlhalosa mokgwa oo mme o tlamele ka dintlha tse di botlhokwa go kgontsha gore go ikobelwe kopo ya gago.
O ka eletsa go itsesewe jang ka ga tshwetso tebang le kopo ya gago ya go fitlheloela rekoto..?
E saenilwe kwa ka letsatsi la...la ...20...
<fn>tsn_Article_National Language Services_LENANE LA DITENG.txt</fn>
Dikaelo tsa Pholisi: Bofetoledi le Botseleganyi di dira tshiamelo e e lolameng ya go dirana le dikwalo tse di romelwang Tirelo ya Bosetšhaba ya Dipuo (NLS) le diyuti tsa puo (Di-LU) tebang le go fetolelwa, go tseleganngwa le go sekwasekwa mo dipuong tse di 11 tsa semmuso le dipuo tsa kwa ntle ga naga tse di kopiwang ke badirelwa.
tsweletsa tsamaiso e e siameng ya dipuo tebang le tirelo e e bokgoni ya tsamaiso ya ditirelo tsa setšhaba go fitlhelela ditsholofelo le ditlhokego tsa badirelwa.
Tiragatso ya NLPF ka iketlo e kaya gore go batlega ga ditirelo tsa phetolelo go tswa le go ya kwa dipuong tsa semmuso go tla tswelela go oketsega. Ka jalo Dikaelo tsa Pholisi di botlhokwa mo tsamaisong ya thulaganyo ya phetolelo le go sireletsa dikgatlhegelo tsa badirelwa le bafetoledi.
Tirisano ya lefatshe lotlhe ka bophara (Globalization) e lerile koketsego mo go batleng diphetolelo go tswa le go ya kwa dipuong tsa dinaga tsa kwa moseja. Tlamelo ka diphetolelo tsa go nna jalo go tokafatsa tlhaeletsano magareng ga Aforika Borwa le dinaga tsa kwa moseja le go tsweletsa dikamano boditšhabatšhaba. Ka jalo go tshwanetse ga nna le thulaganyo e e bokgoni ya tsamaiso ya ditokomane go netefatsa tlamelo ya diphetolelo tsa boleng jwa maemo a a kwa godimo ka nako.
Maikaelelo a magolo a dikaelo tse tsa pholisi ke go netefatsa tlamelo ya ditirelo tsa boleng jo bo kwa godimo go kgotsofatsa ditsholofelo tsa badirelwa , le go tsholetsa tebego le maemo a badiri ka puo botlhe ka nako e le nngwe.
phetolelo ya selegae, botseleganyi le tshetsheko ya dikwalo;le thomelo ya dikwalo kwa ntle go fetolelwa, go tseleganngwa le go sekasekiwa.
Tiro ya puo ga jaana e dirwa mo maphateng a setšhaba le maphata a poraefete, le gale ka mokgwa o o sa tlhomamang. Ga go na thulaganyo ya go tlhokomela maemo a ditirelo tse di tlamelwang, le fa e le mokgwa mongwe wa go lekanyetsa bokgoni jwa badiri ka puo. Godimo ga moo, ga go na mokgwa o o tlhamaletseng le o o tshwanang wa go tlhopha bafetoledi. Ka ntlha ya se, go setse go itemogetswe mathata a a rileng. Ona a akaretsa diphetolelo tse di bokowa, go tlhoka bokgoni, tlhokego ya mafaratlhatlha go lepalepana le topo, le maemo a a kwa tlase a badiri ka puo.
Dikaelo tse tsa pholisi gape di ama bonnyane jwa ditlwaelo le maemo a a amanang le katiso, katlanegiso ya borutegi le kwadiso ya badiri ka puo, tsotlhe tse di botlhokwa mo taolong ya porofešene. Dikaelo tse di tlhagisitsweng mo le di amana thata le bofetoledi, botseleganyi le tshekatsheko ya ditirelo tse di NLS, fela di ka nna tsa dirisiwa ke di- LU go tlhama letlhomeso la ditiro le le laolegang sentle.
Bokgoni jwa go ithuta puo bo farologane le bokgoni jwa go fetolela.
Bafetoledi e tshwanetse go nna baakaretsi lwa ntlha, mme ba kgone go dira mo mefameng e e farologaneng, fela gape ba tshwanetse go tsenelela.
Go tlhokega maemo a a kwa godimo a bofetoledi fa e le gore mafapha a mmuso a tshwanetse go golagana ka bokgoni le batho ba ba direlwang.
Thulaganyo ya go thapa le go dirisa bafetoledi ba kwa ntle e tshwanetse go rebolwa Komiti ya Dithentara ya Lefapha.
Kgaolo ya bo 9 ya Melawana ya Botsholamatlotlo e e rebotsweng go ya ka Molao wa Tsamaiso ya Ditšhelete tsa Setšhaba, 1999 Molao wa No.
karolo 217 Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa jaaka e akareditswe ke Letlhomeso la Pholisi ya Leakanyetso la Tshenkelo 2000 Molao No.
Mokgwa wa Maitsholo wa Badiredi ba Setšhaba.
badirelwa botlhe ba ba kopang ditirelo tsa phetolelo, tseleganyo le tshekatsheko ya ditirelo tse di tswang kwa mafapheng a mmuso.
Mmuso, ka NLS/Di-LU, o tla tlamela badirelwa ba ba rileng ka ditirelo le go dirana le maphata a a farologaneng a ditokomane.
Tiro ya ntlha ya NLS/Di-LU e tla nna go bebofatsa tlhaeletsano magareng ga mmuso le setšhaba, le magareng ga Aforik Borwa le mafatshe a mangwe.
mafapha a mmuso kwa diporofenseng, segolo thata mabapi le dipuo tsa kwa moseja; le diembasi.
Ditokomane di tla fetolelwa go tswa le go ya kwa dipuong tsotlhe tsa semmuso. Ditokomane tsa dipuo tsa kwa moseja di tla fetolelwa ka Seesimane, le ditokomane tsa Seesimane kwa dipuong tsa kwa moseja ka fa go tlhokegang.
Ke ditokomane tsa mabaka a semmuso fela tse di tla amogelwang go fetolelwa, go tseleganngwa le go sekasekiwa ke NLS/Di-LU.
Ditumalano (sekai: ditumalano tsa tirisano, ditumalano tsa kgwebisano boditšhabatšhaba).
Ditshenyegelo tsa phetolelo, tseleganyo le tshekatsheko ya ditokomane tse di welang mo mefameng e e kailweng mo go 7.2 e tla maikarabelo a NLS/Di-LU. NLS/Di-LU di ka dumela go bebofatsa phetolelo, tseleganyo le tshekatsheko ya ditokomane tse dingwe go na le tse, fela ditshenyegelo e tla nna maikarabelo a modirelwa.
Tiragatso ya ditirelo tsa bofetoledi le botseleganyi di tla tsamaisana le ditheo tsa batho pele. Go netefatsa tiragatso e e bokgoni ya ditheo tse, mmuso o tla tshwara dipuisano tsa ngwaga le ngwaga le balekane le badirelwa ba one.
Khansele ya Badirisi ba Puo e tla tlhokomela katiso ya badirisi ba puo le go laola kabelo ya disetifikeiti le kwadiso ya bone.
Katiso e tla dirwa ka fa gare ke NLS/Di-LU, mme le dikhoso tse di rulagantsweng di tla rutiwa ke ditheo tsa thuto e kgolwane go tokafatsa bokgoni jwa bafetoledi le batseleganyi.
Magareng ga mafoko a le 2 000 go fitlha go mafoko a le 2 500 (ditsebe di le 7 go ya go di le 8 tsa mafoko a le 300 nngwe le nngwe) ka letsatsi.
Magareng ga mafoko a le 3 000 to 3 300 s (ditsebe di le 10 go ya go di le 11 tsa mafoko a le 300 tsebe nngwe le nngwe) ka letsatsi.
Dinako tse tsa neelo di tla diragadiwa ka fa tlase ga maemo a a siameng. Mabaka a a nang le tlhotlheletso mo nakong ya neelo ke mofuta wa tokomane, maemo a botegeniki, boleng jwa tiro ya tshimologo, go nna teng ga dithanodi le manane a mareo, maemo a tlhomamo ya mareo le nako e e tlhokegang go dira dipatlisiso. Nako e e tsewang go tlhomola taolo ya boleng jwa tiro le /kgotsa go nna mo dikopanong tse di amanang le bofetoledi kgotsa botseleganyi jwa tokomane le yona e tla ama neelo.
NLS le di-Di-LU di tla amogela dikopo tsa phetolelo, tseleganyo le tshekatsheko ya ditokomane tsa semmuso fela. Dikopo tse di poraefete ga di kitla di amogelwa.
Dikopo tsa go direlwa di tla lebisiwa go Tlhogo ya Lekala Ditirelo tsa Thuso(H/Aux), tlhogo (H/LU) ya lephata la puo e e maleba kgotsa baemedi ba bone ka go latelana. Badirelwa ga ba a tshwanela go lebisa ditokomane kwa go badira ka puo ba ka fa gare kgotsa bafetoledi ba kwa ntle ka tlhamalalo.
Fa tiro e romelwa kwa ntle, malatsi a neelo a a buisanetsweng magareng ga modirelwa, NLS/LU le mofetoledi wa kwa ntle yo o maleba a tshwanetse go kwalwa ka dinako tsotlhe.
Dikopo tsa phetolelo, tseleganyo le tshekatsheko di tshwanetse go atlanegisiwa ke batlhankedi ba ba supilweng mo mafapheng a bosetšhaba kgotsa a diporofense, ditheo tsa setšhaba le ditheo tsa semolao.
Dikopo di tshwanetse go neelwa mo foromong ya semmuso ya kopo (Z152), e e tshwanetseng go tladiwa ka botlalo, kgotsa ka lekwalong le le ditlhaka tsa lefapha la modirelwa.
Dikopo tsotlhe di tshwanetse go neelwa di tlantswe, segolo setona ka mokgwa eleketeroniki (ka emeile kgotsa mo disiketeng). Tokomane e tshwanetse go nna mo sebopegong se se fitlhelelwang ke NLS/Di-LU.
Ditokomane tse di jaaka Melaotlhomo, Melao le melawana e e tlhabolotsweng e tshwanetse go patiwa ke ditokomane tsa kwa tshimologong le dimametlelelo tsa Melaotlhomo, Melao le melawana ya go nna jalo.
Peomolao yotlhe le peomolaotlaleletso di tshwanetse go fetisiwa le Baeletsi ba Puso ba Molao go bona katlanegiso pele e romelwa go ka fetolelwa kgotsa le go tselegangwa.
Ke fela dikwalo tsa makgaolakgang jaaka di ikaeletswe go gatisiwa le go phasaladiwa di ka neelwang go fetolelwa.
Fa nngwe le nngwe ya ditlhokego tse e sa fitlhelelwa, ditokomane di tla busediwa go modirelwa.
H/Aux kgotsa H/LU kgotsa baemedi ba bone ba tla amogela dikwalo tse di tsenang, mme ba tla netefatsa gore foromo e e maleba ya kopo e tladitswe ka botlalo le ka nepagalo.
Mokgwa wa go kwadisa dikopo o tshwanetse go latelwa ka tlhomamo go dirisiwa dikhoutu tse go dumalanweng ka tsona. Sekai: tokomane e ka fiwa tshupo ya Xho 03/0001/B. "Xho" e kaya gore puo e e fetolelwang mo go yona ke isiXhosa, "03" e kaya ngwaga wa ditšhelete, "0001" e kaya nomoro ya tokomane, mme "B" e supa mofuta wa tokomane, mo lebakeng le, Molaotlhomo.
Ka tirisano le tlhogo ya ditirelo tsa bofetoledi, H/Aux kgotsa H/LU o tla rerisanela letsatsi la neelo le modirelwa. Ditlhogo di tla ikgolaganya le badiri ka puo ba ba amegang pele ba dumalana ka letlha la neelo. H/Aux kgotsa H/LU, ka tirisano le mofetoledi wa kwa ntle, ba tla dumalana ka ga letlha le mofetoledi wa kwa ntle a tshwanetseng go neela tokomane ka lona. Se se tshwanetse go letla nako ya tshekatsheko ya boleng jwa tokomane.
H/Aux kgotsa H/LU o tla fetisetsa ditokomane kwa ditlhogong tsa phetolelo, ba ba tsayang maikarabelo a go fetisetsa ditokomane kwa mofetoleding yo o maleba wa selegae. Tiro ga e a tshwanela go newa bafetoledi ka tlhamalalo.
Ditlhogo tsa phetolelo di tla rwala maikarabelo a go netefatsa gore bafetoledi ba tshegetsa boleng le go neela tiro ka nako.
Fa go nang le tlhaelo ya go fetsa tiro ka nako, tlhogo e e maleba ya phetolelo e tla kopa H/Aux kgotsa H/LU go romela tokomane kwa bafetoleding ba kwa ntle. Dikopo tsotlhe tsa go romela ditokomane kwa ntle di tshwanetse go rebolwa ke Motsamaisi wa Lenane.
Direkhoto tsa ditokomane tsotlhe tse di amogetsweng le go fetisiwa ke NLS/Di-LU di tshwanetse go tsholwa di siame ka dinako tsotlhe.
Bafetoledi ba ba atlanegisitsweng ba kwa ntle.
Ditokomane di tla romelwa kwa bafetoleding ba ba atlanegisitsweng ba kwa ntle fa tlhokego e feta bokgoni jwa NLS/Di-LU kgotsa fa puo e e kopiwang e se teng mo NLS/Di-LU. Ditlhogo tsa phetolelo di tshwanetse go tlhaloso kwa go Motsamaisi wa Lenane go bona thebolelo pele di ka romelwa kwa ntle.
Fa go setse go tserwe tshwetso ya go romela ditokomane kwa ntle, thulaganyo e e tlhalositsweng fa tlase e tshwanetse go latelwa.
Ditokomane di tla romelwa kwa ntle go tswa ka ofisi ya H/Aux (NLS) kgotsa H/LU morago ga gore Motsamaisi wa Lenane a rebole tetla.
Motsamaisi wa Lenane o tla supa motlhankedi yo o nang le bokgoni go letla thomelo kwa ntle ya ditokomane tse di potlakileng, sekai: tsa ofisi ya Moporesidente, kgotsa dikopo tse di ka nnang le tlhotlheletso mo dikamanong tsa boditšhabatšhaba, fa ena a se teng.
Go latela ditshiamelo tsa Molao wa Thulaganyo ya, 1992 (Molao No. 122 wa 1992), batlhankedi ba mmuso ga ba a tshwanela go fetolela, go tseleganya kgotsa go sekaseka ditokomane dingwe le dingwe tse di rometsweng kwa ntle go duelelwa.
ngwaga mongwe le mongwe wa ditšhelete, botsamaisi jwa NLS/LU bo tla phasalatsa go laletsa bafetoledi ba ba ikemetseng go thentara go direla puso tiro ya go fetolela le go tseleganya. Ka motsi o bafetoledi ba kwa ntle ba ba neng reboletswe go dira tiro e ba tla kopiwa go netefatsa gore ba sa ntsane ba na le kgatlhego ya go tlamela ditirelo. Fa ba reboletswe tetla, mofetoledi yo o ikemetseng e tla nna mofetoledi yo o ikemetseng wa mmuso go fitlhela a rola tiro, kgotsa go fitlhela ditirelo tsa gagwe di emisiwa ke mmuso ka ntlha ya go se romele tiro e e kgotsofatsang ditlhokego tse di kailweng mo pholising ya dikaelo.
Go tla dirisiwa thulaganyo e e gagametseng go tlhopha le go sekaseka gore ke bafetoledi bafe ba kwa ntle ba ba tlametseng tirelo ya maemo a a kwa godimo mme ba tla newa setifikeiti sa tlotlomatso go ba akgolela diphitlhelelo tsa bone.
Botsamaisi jwa NLS/LU bo tshwanetse go netefatsa gore bafetoledi botlhe ba ba ikemetseng ba ba letleletsweng go fetolela ba tshwanetse go kgotsofatsa ditlhokego tsa Botsholamatlotlo jwa Bosetšhaba (National Treasury)tebang le go tshola ditokomane tsa semmuso le gore botlhe ba ba tshwanetse netefaletso ya bosireletsi jo bo maleba.
Morago ga tshekatsheko ya katlanegiso ya tlhogo ya bofetoledi, ke H/Aux kgotsa H/LU yo o ka tlhophang mofetoledi wa kwa ntle yo tiro e ka romelwang kwa go ene.
Tiro e tla romelwa bafetoledi ba ba ikemetseng ka mokgwa wa thefosano, mme go tla tlhokomelwa lenane la go refosanya diphetolelo magareng ga bafetoledi ba ba ikemetseng, go lebeletswe go nna teng ga bone le mefama ya bokgoni le botseneledi jwa bone. Bafetoledi botlhe ba ba ikemetseng ba tshwanetse go newa tšhono, mme diphetogo go tswa mo thulaganyong ya tatelano di tshwanetse go tlhalosiwa ka mabaka a a utlwalang le go rebolwa ka nako.
Ga go netefaletso epe e e tla neelwang mofetoledi yo o ikemetseng/boemedi ke motlhankedi mongwe le mongwe wa NLS/Di-LU gore tiro e tla romelwa kwa go ene. Netefaletso nngwe le ya mofuta oo e tla tsewa e le tlolomolao ya motlhankedi yo o amegang, mme go tla tsewa dikgato kgatlhanong nae go latela thulaganyo ya dikgato-kgalemo tsa mmuso.
Tiro e tla romelwa fela kwa bafetoleding ba ba ikemetseng ba ba atlanegisitsweng semmuso. Fa go sena mofetoledi yo o ikemetseng kgotsa a sa kgone go ka dira tiro e e rileng, go tshwanetse ga bonwa tetla e e kwadilweng go tswa kwa go Motsamaisi le Lanane go romela tiro kwa go mofetoledi kgotsa /boemedi jo bo ikemetseng, ka go sala morago thulaganyo e e tlwaelegileng ya go bona thuso.
Mmuso o na le dithata tsa go fedisa ditirelo tsa bafetoledi ba ba ikemetseng kgotsa go tlosa maina a bone mo sefalaneng fa tiro ya bone e sa kgotsofatse dithulaganyo tsa boleng jaaka di tlhalositswe mo temaneng ya 14.1. Mabaka le Maemo a Kakaretso a Boto ya Dithentara tsa Puso (ST36) le Dikaelo go mafapha tebang le Tshenkelo (ST37) a tla diragatswa.
Tshekatsheko: palo ya mafoko a ditemana ka bobedi ka kelo ya thentara ya tshekatsheko, fela e seng ka fa tlase ga R30,00/100 mafoko.
Temana 17.1 ya ST36 e kaya fa dituelo tse di tlhomameng kgotsa tse di sa tlhomamang di ka thentaria, fa temana ya 17.2 e letla tshiamelo ya go baakanya dituelo ka tiriso ya mokgwa mongwe. Go bonwa go le botoka gore go thentariwe dituelo tse di tlhomameng.
Fa thebolo e setse e bonwe go tswa kwa go Motsamaisi wa Lenane, foromo Log 1 e e saennweng (bona temana 12.1.16 tebang le tshedimosetso e e tshwanetseng go neelwa) e tshwanetse go romelwa kwa Tlhatlhamanong ya Theleso (Supply Chain) le Botsamaisi jwa Dithoto(SCAM), jo bo tla dirang le go romela foromo ya thomelelo ya semmuso kwa go mofetoledi yo o ikemetseng.
H/Aux kgotsa H/LU o tla romela tokomane le lekwalo la taelo kwa go mofetoledi yo o ikemetseng.
mofuta wa tiro e e tshwanetseng go dirwa, k.g.r.
keletefo e e maleba; le letlha la neelo.
Batho ba ba dirang jaaka bafetoledi ba ba ikemetseng ga ba a tshwanela go fetisetsa tiro nngwe le nngwe e amogetsweng kwa NLS/Di-LU kwa go motho yo mongwe.
Baemedi le dikgwebopotlana tse dinnye (cc) di tshwanetse go itsise dintlha tsa bafetoledi ba tsona, mme ba romele lokwalo-ikitsiso (curriculum vitae) la motho mongwe le mongwe yo o ba direlang.
NLS/Di-LU e itlama go se dirisane ka tlhamalalo le bafetoledi ba ba kailweng mo temaneng ya 13.2, fela e tla dirisana le baemedi kgotsa kgwebopotlana e e ba thapileng.
Tiro e e feditsweng e tshwanetse go dumalana le mokgwa wa dikaelo tse di neetsweng ke NLS kgotsa di-LU (sekai: khopi ya pampiri le /kgotsa khopi ya eleketeroniki, Microsoft Word, saese ya ditlhaka, diphatlha fa gare ga mela j.j.) jaaka go kailwe mo lekwalong la taelo. Go se ka ga bewa dikganedi tsa tshireletso mo tirong e e feditsweng, ka gonne tiro eo e nna thoto ya lefapha le le amegang.
Tiro e e feditsweng le dikwalo tsa tshimologo (fa e le phetolelo, tseleganyo le tshekatsheko) di tshwanetse go busediwa kwa NLS/di-LU gammogo le lenanetuelo (invoice) le le kayang palo ya mafoko a a fetoletsweng, a a tselegantsweng kgotsa a a sekasekilweng jaaka go kailwe mo lekwalong la taelo. Nomoro ya topo ya semmuso e tshwanetse go tlhagelela mo lenane-tuelong.
Tiro e e neetsweng morago ga letsatsi la neelo e tla nna le kotlhao ya diperesente di le nngwe bosomenneng (1/14%) jwa boleng jwa tiro yotlhe e e neetsweng, e balelwa letsatsi lengwe le lengwe morago ga letlha la neelo, ntle le fa letlha la neelo le atolositswe ka tumalano e e dirilweng go sa le gale magareng ga H/Aux kgotsa H/LU, modirelwa le mofetoledi yo o amegang. Le gale, fa letlha la neelo le tshwanetse go okediwa ka diura tse di fetang 24, memorantamo o kopang tetla ya katoloso ya letlha o tshwanetse go neelwa SCAM.
Bafetoledi ba ba ikemetseng ba tshwanetse go neela setifikeiti sa kgololo ya lekgetho go tswa go Tirelo ya Lekgetho ya Aforika Borwa (SARS) le go neela dinomoro tsa bone tsa ikwadiso ya lekgetho mo foromong ya kopo ya thentara.
Bafetoledi ba ba ikemetseng ba tshwanetse go tshola dikhopi tsa tiro nngwe le nngwe e e buseditsweng kwa NLS/Di-LU sebaka sa ngwaga o le mongwe morago ga go fetsa tiro, e le mokgwa wa tshireletso kgatlhanong le kgonagalo ya go timela ga tiro.
Dithata tsa thoto ya botlhale tsa tiro e e fetoletsweng, e e tselegantsweng kgotsa e e sekasekilweng e buseditswe kwa ke mofetoledi yo o ikemetseng, di tla fetela kwa NLS/Di-LU NLS/LU le go nna le yona.
tumalano le mopeleto wa semmuso; le boammaruri jwa bokao jwa tema ya tshimologo.
Tshekatsheko sampole, k.g.r. tshekatsheko ya ditsebe tsa tokomane fale le fale, e tla dirwa go netefatsa boleng. Fa boleng bo sa kgotsofatse maemo a a batlegang, mofetoledi wa selegae kgotsa motho yo o nonofileng sentle yo o mo konterakeng ya mabaka ao le NLS/Di-LU o tla tseleganya phetolelo ka botlalo, mme NLS/Di-LU e ka tsaya dikgato jaaka go tlhagisitswe mo temaneng ya 12.1.11.
Fa puo e sa tlamelwa ka mofetoledi wa selegae, NLS/Di-LU e tla romela tokomane e e amegang kwa ntle tebang le tlhokomelo ya boleng, go ya ka thulaganyo e e tlwaelegileng ya tshenkelo, kwa go mofetoledi yo o nang le borutegi le maitemogelo a a maleba yo o tla netefatsang boleng jwa ka mokgwa wa tshekatsheko ya sampole. Tebang le se, go tla tsewa ditsebe fale le fale go tswa mo tokomaneng. Palo ya ditsebe tse di sekasekilweng e tshwanetse go nna kana ka 10% ya ditsebe tsotlhe tsa tokomane, sekai: ditsebe tse di 10 tsa tokomane ya ditsebe gi le 100 di tshwanetse go sekasekiwa.
Pele go ka duelwa, mofetoledi wa selegae yo o maleba o tshwanetse go netefatsa boleng jwa tiro e e amogetsweng go tswa kwa mofetoleding yo o ikemetseng ka go saena foromo ya netefaletso ya tuelo.
Foromo ya ditshwaelo e tla tsamaya le phetolelo nngwe le nngwe, e ka tswa e fetoletswe ke mofetoledi wa selegae kgotsa mofetoledi yo o ikemetseng, fa e busediwa kwa go modirelwa. Modirelwa o tla tlatsa foromo e, mme a e busetse kwa go H/Aux kgotsa H/LU, yo o tla begelang Motsamaisi wa Lenane gangwe mo dikgweding di le tharo.
Tiro e e feditsweng gammogo le foromo ya setifikeiti sa netefaletso ya tuelo, se saennwe ke mofetoledi wa selegae le lenanetuelo di neelwa H/Aux yo o tla netefatsang nepagalo ya lenanetuelo. Nomoro ya semmuso ya topo e tshwanetse go tlhagelela mo lenanetuelong.
Ke maikarabelo a ditlhogo tsa bofetoledi go kganela dituelo tse se nang mosola, tse di tletseng tshenyo, ditshenyegelo tse di sa rebolwang le tse di sa tlhomamang.
Ga go na tuelo epe e e tla fetisiwang ntle le tshaeno ya H/Aux kgotsa H/LU le Motsamaisi wa Lenane.
foromo ya netefaletso ya tuelo le lenanetuelo di tshwanetse go romelwa kwa SCAM go duela.
Dipotso dingwe le dingwe go tswa go bafetoledi ba ba ikemetseng, tse di amanang le tuelo tsa tiro e e dirilweng, di tshwanetse go lebiswa kwa go H/Aux kgotsa H/LU.
Pholisi e tla tlhabololwa ke NLS fa go tlhokega, mme banni-le-seabe botlhe ba tla itsisiwe ka ga ditlhabololo tsa go nna jalo.
Molaotheo le kaya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika, 1996 Molao No.
Motsamaisi wa Lenane le kaya motlhankedi wa mmuso yo o seng ka fa tlase ga Mokaedi ka maemo, yo o rweleng maikarabelo a Lenane le le rileng, sekai: bokaedi.
mofetoledi le kaya motho yo o fetolelang ditokomane go tswa mo puong ya tshimologo go ya kwa puong e e totilweng, mme le akaretsa motseleganyi kgotsa mosekaseki, ntle le fa tiriso e kaya ka mokgwa mongwe.
<fn>tsn_Article_National Language Services_LENANE LA TLHABOLOLO YA KGWEBOPOTLANA E E MAGARENG.txt</fn>
Lenane la Tlhabololo ya Kgwebopotlana e e Magareng (SMEDP) ke sekema sa thuso ya madi a thotloetso, se se thusang bojanala mo Aforika Borwa.
Thuso e neelwa diporojeke tse dintšhwa kgotsa tse di atoloswang.
Ditlamo tsa mo gae le tsa kwa ntle di tla thuswa ka peeletso ya bokana ka dimilione tsa diranta di le lekgolo (R100m) mo go tsa lefatshe le dikago tse di tshwanetseng, mo diporojekeng tse dintšhwa kgotsa katoloso ya diporojeke tse di leng teng.
Ditheo tsa semolao, ba e leng beng ba thoto le ditirisanommogo mo go tsa bojanala.
Dikgwebo tsa ralawe kgotsa diralawe tsa poraefete, ditsela tsa dikheibole tsa lefaufau, dipalangwa tsa go isa metsi kwa matamong, matsha le tse dingwe.
Kabelo e nngwe ya khetšhe mo ngwageng wa boraro go dikgwebo fela fa e le gore kabo ya tuelo ya badiri e e tlhagisitsweng go ya ka tshenyegelo ya tiro e nne 30% bonnye.
Lenane la Tlhabololo ya Kgwebopotlana e e Magareng (SMEDP) ke sekema sa thuso ya madi a thotloetso go tlhagisa temothuo ya maemo a a kwa godimo, tsa botshelo jwa metsi, tsamaisotemothuo, bayothekenoloji, bojanala, tshedimosetso le dipeeletso tsa thekenoloji ya tlhaeletsano mo Aforika Borwa. Go na le thotloetso mo diporojekeng tse dintšhwa le tse di katolosiwang.
Ditlamo tsa mo gae le tsa kwa ntle di tla thuswa ka peeletso ya bokana ka dimilione di le lekgolo tsa diranta (R100m) mo go tsa lefatshe le dikago tse di tshwanetseng, metšhini le dipalangwa tsa kgwebo le didiriswa mo diporojekeng tse dintšhwa kgotsa katoloso ya diporojeke tse di leng teng.
Ditheo tsa semolao, ba e leng beng ba thotot le ditirsanommogo mo go tlhagiseng, temothuo ya maemo a a kwa godimo, tsa botshelo jwa metsi, tsamaisotemothuo, bayothekenoloji, bojanala, tshedimosetso le dipeeletso tsa thekenoloji ya tlhaeletsano.
Go rotloetsa peeletso ya kwa ntle.
Dikgwebo tse di tlhophiwang ka go tlhagisa ka SIC.
Thuso ya madi e e sa duelelweng lekgetho mo dingwageng tse pedi e lebisitswe mo peeletsong ya lefatshe le dikago, metšhini, didiriswa le dipalangwa tsa kgwebo.
Thuso e nngwe ya madi ya ngwaga wa boraro go dikgwebo fela fa e le gore kabo ya tuelo ya badiri e e tlhagisitsweng go ya ka tshenyegelo ya tlhagiso e nne bonnye 30%.
Bogolo jwa thotloetso ya R3 050 000 ka ngwaga mo dikgwebong tse di nang le dipeeletso mo dikgwebong tse di tshwanetseng.
<fn>tsn_Article_National Language Services_LETLOLE LA APEX KE LEFE.txt</fn>
Thuso ya ditheo le ya badirelwa.
Kokoanyo ya ditshomarelo ka dikgwebo le ka ditlamo tsa tlholego tse di jaaka mekgatlho ya phitlho le ditokofele.
Go nna le seabe mo kgolong ya ikonomi le mo phokotsong ya lehuma mo Aforika Borwa ka go nna mobebofatsi yo o nonofileng wa ditirelo tsa ditšhelete tse dinnye.
Go tlhola indaseteri e e maatla ya ditšhelete tse dinnye mo Aforika Borwa.
Go kemonokeng ya matlole ya thuso ya ditheo go mekgatlho e e tshwaraganeng le badirelwa ba yona go bebofatsa go nna le seabe ga yona mo ditirong tse di siameng tsa ikonomi.
Kokoanyo ya ditshomarelo le thebolo ya kadimo ya madi go dikgwebo le Ditheo tsa Ditšhelete tse Dinnye (RFIs) e le mokgwa wa go godisa le go oketsa phitlhelelo ya ditirelo tsa ditšhelete go bahumanegi le go lolamisa mekoro ya bona ya ditšhelete mabapi le botshelo jo bo botoka.
Letlole la Apex le tla dira ka mekgatlho ya tshwaragano go diragatsa taolelo ya lona ya go fitlhelela sefitlhelelwa kwa baaging malebana le kutlwalo le phitlhelelo.
Mabapi le kokoanyo ya ditshomarelo ga go na motlolo o o rileng o o lebilweng, fela kitso le mekgwa e e farologaneng e e ikaegileng ka maitemogelo di e a rotloediwa.
Letlole la Kadimo ya madi ya Kerediti e Nnye: Lenane le, le tlamela ka dikadimo tsa madi go fitlha ka R10 000 go malapa le bagwebi ba bannye ba ba ikaegileng ka dikgwebo tsa bona tse dinnye go tshela.
Kerediti e nnye mabapi le tlhabololo ya kgwebo e nnye.
Letlole la phokotso ya lehuma go badirelwa ba lotseno lwa bona la lelapa le leng ka fa tlase ga R1500. Mokgatlho wa tshwaragano o tla dirisa sedirisiwa se se fokotsang lehuma malebana le tshekatsheko.
Thuso ya setheo: Ka fa tlase ga lenane le matlole a a tlamelwa go maatlafatsa setheo le go netefatsa tswelelo ya sona ya paka e telele.
Kokoanyo ya ditshomarelo: Se, se tokafatsa le go rotloetsa go tlhamiwa ga dikgwebo tsa ditšhelete le ditheo tse dingwe tsa tlholego tsa tshomarelo jaaka ditokofele le mekgatlho ya phitlho malebana le go kokoanya khumo ya fa gae le e e beeleditsweng.
Apex e dira ditiro tsa yona ka mekgatlho ya tshwaragano e e farologaneng , ka jalo tlhopho ya yona e e siameng e botlhokwa e bile e a tswelela. Ka fa tlase ga tirego e, Apex e lekanyetsa mefuta e e farologaneng ya di-NGO tse di kwadisitsweng, ditheo tsa selegae tsa kgwebo, ditheo tsa boithaopo le mekgatlho mabapi le tswelelo ka go dirisa dikaelo tsa maemo.
Mo go lekanyetseng mokgatlho, Apex e latela dikaelo tse siameng tse di ka aroganngwang ka dintlha tse di latelang: mokgatlho, morulaganyi, tsamaiso, taolo, badiri, lefelo-tiro, ditiro tsa mo lefelong, tiro e e fetileng, dithulaganyo tsa tshedimosetso ya tsamaiso, dithulaganyo tsa palotlotlo.
<fn>tsn_Article_National Language Services_LETSHOLO LE LE MABAPI LE LEKWALOITSHUPO.txt</fn>
Molaotlhomo wa ditlhopho, wa 1998 o o eng wa tlhagisa letlhomeso la peomolao mabapi le ditlhopho tsa 1998 o fetisitswe ke Palamente. O ne wa emiwa nokeng ke ANC, Inkhata Freedom Party, PAC, ACDP mmogo le Freedom Front. Mo dikganetsanong tsotlhe tse di neng di ama molaotlhomo, makoko a, a ne a gatelela botlhokwa jwa ditlhopho tse di leng ka fa molaong mmogo le dipholo tse di senang dingongorego. Le fa go ntse jalo, makoko otlhe a ne a gatelela botlhokwa jwa go netefatsa fa batlhophi botlhe ba ba letleletsweng ba na le diID tse di nang le baakhoutu.
Molaotlhomo o akaretsa dintlha tse di leng botlhokwa tse di jaaka motlha o ditlhopho di tshwanetseng go tshwariwa ka ona, batho ba ba letleletsweng go tlhopha, batho ba ba ka tsenelang ditlhopho mmogo le ditlhokego le ditlhopho tse di kgethegileng tse di mabapi le batho ba ba rileng.
Dingwe tsa dikaelo tsa Molaotlhomo ke tse di latelang.
Moporesidente o tla goeletsa ditlhopho pele motlha wa puso o tla kwa bokhutlong.
MaAforika Borwa otlhe a a nang le dingwaga di le 18 le go feta ba ba leng ka fa nageng ba tlile go letlelelwa go tlhopha. Se, ga se akaretse batho ba ba nang le tlhaloganyo e e koafetseng, batho ba ba lwalang mo tlhaloganyong kgotsa batho ba ba tlhatlhetsweng ka fa tlase ga Molao wa Boitekanelo jwa Tlhaloganyo. Batho ba ba bonweng molato ka ditshenyo tse di tseneletseng ga ba ye go letlelelwa go tlhopha.
Kaelo e e mabapi le ditlhopho tse di kgethegileng e teng. Ditlhopho tse, tse di kgethegileng di lebisitswe kwa bathong ba ba kailweng ba ba sa kgoneng go tlhopha. Badiri ba badipolomate ba ba dirang kwa dinageng tse di kwa ntle ba tlile go letlelelwa go tlhopha mmogo le ba malapa a bona ka motlha wa ditlhopho. Karolo e nngwe ya ditlhopho tse di kgethegileng ke badiri ba ba thusang go tsamaisa ditlhopho ba ba akaretsang le basiretsi ba naga, e leng maphodisa le masole. Kaelo e e kgethegileng e e mabapi le go tlhopha e ama batho ba ba golofetseng, batho ba ba sa kgoneng go itsamaisa, batsofe mmogo le baimana ba ba ka se kgoneng go ya kwa mafelong a go tlhopha ka ntlha ya bogole.
Molaotlhomo o kaela kwadiso ya batlhophi mmogo le thulaganyo ya lenane la batlhophi. Kwadiso ya batlhophi ba ba letleletsweng e tlile go tswelela. Fa motho a setse a ikwadiseditse go tlhopha, dintlha tsa gagwe di tlile go tlhotlhomisiwa mo rejisetareng ya baagi ya bogareng e e tshotsweng ke Lefapha la Merero ya Selegae. Fa dintlha tsa gagwe di sena go tlhotlhomisiwa sentle, leina la gagwe le tlile go tsenngwa mo lenaneng la batlhophi. Batho ba maina a bona a tlhagelelang mo lenaneng la batlhophi ba tlile go tlhopha ka letsatsi la ditlhopho le le tlileng go tlhomamisiwa ke Moporesidente.
Gore batho batle ba kgone go tlhopha, ba tshwanetse go nna le ID e e nang le baakhoutu. Ke yona fela tokomane e e amogelesegang jaaka go tlhagisiwa mo Molaotlhomong wa Ditlhopho wa 1998.
Batho ba ba senang ID e e nang le baakhoutu, ba tshwanetse go dira kopo ya ID e e nang le baakhoutu e bile gape ba tshwanetse go dira kopo ya setifikeiti sa boitshupo sa nakwana ka nako e le nngwe.
Setifikeiti sa boitshupo sa nakwana se amogelesega fela dikgwedi di le 12 mme se ka dirisediwa go ikwadisetsa go tlhopha fa Lefapha la Merero ya Selegae le santse le rulaganya go rebolwa ga ID.
Setifikeiti sa boitshupo sa nakwana se tlhagisa dintlha tsa mokopi: nomoro ya ID le setshwantsho sa mokopi.
Setifiketi sa boitshupo sa nakwana se tla rebolwa mo diureng di le 24 kwa ntle le kwa mafelong a go senang dikhomphutara. Mo dintlheng tse di jaana, se tlile go rebolwa morago ga go boela ga diyuniti tsa thuso (mobile units) kwa mafelong a kopo e dirilweng kwa go ona.
Kwa diporofenseng tse dingwe Diforamo tsa Merero ya Selegae di tlhomilwe go thusa Lefapha mabapi le tiro ya lona. Diforamo tse, di tshwanetse go neelwa thuso.
Go tlile go tlhomiwa ditlhopha tsa batho tse di tla tlhokomelang ditlhopho / go tlile gape go tlhomiwa ditlhopha tsa baithaopi / go be gape go tlhamiwa le ditlhopha tsa tiro go thusa mo letsholong le le mabapi le go iponela lekwaloitshupo. Maloko a Palamente (MPs) a kopiwa go netefatsa fa tiro ya boithaopo e nna teng kwa Lefapheng la Merero ya Selegae. Mo ntlheng e, baithaopi botlhe ba tshwanetse go kwadisiwa le Lefapha la Merero ya Selegae gape ba tshwanetse go tshepiwa ke lona. Ba tlile go katisiwa ke Lefapha la Merero ya Selegae gape ba tlile go dira ditiro tsa bona kwa ntle le go tsaya letlhakore, kwa ntle le go sekamela ka fa mokgatlhong mongwe wa sepolotiki gape kwa ntle le tuelo epe. Ba tlile go kopiwa go thusa mabapi le go tladiwa ga diforomo, go gatisa bakopi menwana mmogo le go netefatsa fa ditlhokego tsotlhe di fitlhelelwa, sekao: go rebolwa ga disetifikeiti tsa matsalo, jj.
Maloko a Palamente (MPs) a kopiwa go ikgolaganya le moemedi wa lefapha wa kwa lefelong la bona mme mmogo ba dire thulaganyo e e ka ga go thusa gape le go nna le seabe ka go ithaopa mo mananeong a dipuisano a mo seyalemoweng kwa lefelong la bona mabapi le go rebola tshedimosetso ka ga letsholo le le malebana le ID.
Thulaganyo ya diID e tsaya sebaka sa dibeke di le robedi.
Fa setifikeiti sa botsalo se se teng, tsweetswee ikgolaganye le motlhankedi wa kgaolo go tlhotlhomisa mokgwa wa tlhomamiso o o ka dirisiwang. Le fa go ntse jalo, Lefapha le gagametse thata mabapi le thebolo ya tokomane ya tlhomamiso e e netefatsang ka maikaelelo a go thibela tsietso.
Fa kopo e diriwa mabapi le ID le setifikeiti sa boitshupo sa nakwana, ditshwantsho tse tharo di tshwanetse go neelwa.
Tona ya Lefapha la Merero ya Selegae e tlile go itsise setšhaba foromo ya nakwana ya kwadiso e e mabapi le go ikwadisetsa ditlhopho fela ga e ise e nne teng.
Lefapha la Merero ya Selegae ga le na dikhemera mo diyuniting tsa thuso (mobile units) tse di tsayang ditshwantsho kwa ntle le tuelo epe.
Dipotso di ka lebisiwa kwa go: Bokaedi Tlhaeletsano Tlhogo ya Tlhaeletsano mo nomorong e e latelang ya mogala: 3148014/5 kgotsa fekesa dipotso tsa gago mo nomorong e e latelang: 316 7032.
Dingongorego tse di mabapi le ditirelo tsa Lefapha la Merero ya Selegae di tshwanetse go kwadisiwa ka tiriso ya nomoro ya rona ya mogala e e sa duelelweng e e latelang: 0800-601190.
Ka letsatsi la go tlhopha go tlilwe go amogelwa fela ID e e nang le baakhoutu. Le fa go ntse jalo, batho ba ba tla latlhegelwang ke diID tsa bona pele ga ditlhopho, ba tla rebolelwa setifikeiti sa boitshupo sa nakwana mo sebakeng sa diura di le 24.
Kwa ntle le phatlalatso e e dirilweng mabapi le letsholo la go iponela ID, dithulaganyo di setse di dirilwe kwa diporofenseng tsotlhe go netefatsa fa batlhophi ba ba letleletsweng ba dira kopo ya go iponela lekwaloitshupo le le nang le baakhoutu. Diura tsa tiro di setse di atolositswe go ya ka ditlhokwa tsa porofense nngwe le nngwe. Lefapha le ka bula go simolola ka 07h00-18h00 mo malatsing a beke le go simolola ka 08h00-12h00 ka Lamatlhatso mongwe le mongwe. Tshwetso tota e mo magetleng a baagi.
Badiri ba tlaleletso ba setse ba thapilwe go kgona go kgotlelela koketsego e e mabapi le topo ya go iponela makwaloitshupo. Kwa mafelong a go senang dikantoro tsa Lefapha la Merero ya Selegae kwa go ona, diyuniti tsa thuso tsa tlaleletso di setse di rometswe.
Mabapi le tshedimosetso ya tlaleletso, dikopo tsa direlo kgotsa ditirelo tsa boithaopo, bakaedi ba dikgaolo ba lefapha ba ka boniwa.
Batho ba le bantsi ba dirile kopo ya go iponela diID fela ga ba ise batle go di tsaya kwa dikantorong tsa Lefapha la Merero ya Selegae. DiID tse, di tshwanetse go tla go tsewa ka bonako. Maloko a Palamente (MPs) a kopiwa go thusa go bebofatsa tiro e.
Batho ba ba iseng ba dire kopo ya go iponela diID tse di nang le baakhoutu ba tshwanetse go dira jalo ka bonako. Motho yo o leng ka fa tlase ga dingwaga di le 16 o tshwanetse go tla a patilwe ke mongwe yo o letleletsweng semolao yo o mo fetang ka dingwaga di le 10 yo o tla tshwanelang ke go dira kopo mo boemong jwa mokopi mabapi le kwadiso ya botsalo e e thari. Motho yo o tla mo go tlaleletseng ditokomane tsa tshegetso, kopiwa go tlatsa afidafiti (foromo ya B1 288) go tlhomamisa dintlha tsa botsalo.
Motho yo o leng kwa godimo ga dingwaga di le 21 a ka dira kopo ka boena mabapi le kwadiso ya botsalo e e thari. Fa e le gore ditokomane tsa tshegetso ga di teng mokopi o tlile go bodiwa dipotso ke motlhankedi wa Lefapha ka maikaelelo a go tlhomamisa boagi le letlha la botsalo la mokopi yo o amegang go netefatsa fa go sena sepe sa tsietso.
<fn>tsn_Article_National Language Services_LWANTSHA KHOLERA.txt</fn>
Kholera ke bolwetse jo bo tshwarang motho fa a nwa metsi le go ja dijo tse di nang le mogare wa kholera.
Mogare o o tlholang kholera o fitlhelwa mo mantling a motho.
Tlogela metsi a khurumetswe sebaka sa diura di le 2 kgotsa go feta pele o a dirisa.
Tlhatswa dijo tse di sa apewang ka metsi a a bedileng kgotsa a a phepafaditsweng pele o di ja.
Tlhatswa didiriswa tse di dutelang metsi, dipitsa le dikotlolo ka metsi a a bedileng kgotsa a a phepafaditsweng.
Dirisa komiki e e phepa go gelela metsi go tswa mo sedutelong se segolo.
Ka metlha khurumela dijo tsa gago mme o di sireletse kgatlhanong le dintsi.
Agela VIP kgotsa ntlwanaboithusetso ya mosima kgakala le metswedi ya metsi (noka kgotsa motswedi).
O se ka wa dirisa noka jaaka ntlwanaboithusetso, fela dirisa VIP kgotsa ntlwanaboithusetso ya mosima.
Tlhapa diatla tsa gago ka metsi a a bedileng kgotsa a a phepafaditsweng morago ga go dirisa ntlwanaboithusetso le pele o tshwara dijo.
O ka thusa jang motho yo o setseng a tshwerwe ke kholera?
Mo nose motswako o montsi wa sukiri/letswai.
Tsaya litara e le nngwe ya metsi a a bedisitsweng kgotsa a a phepafaditsweng, tshela selekano sa maswana a tee a le 8 sa sukiri le halofo ya leswana la tee la letswai, mme o tswakanye.
Neela motswako o ka go sorwa kgafetsakgafetsa ka fa go ka kgonagalang ka teng.
Gakologelwa, tswelela go nosa motho yo o nang le kholera motswako wa sukiri/letswai.
Isa motho yoo kwa tliliniking e e gaufi kgotsa lefelo la go mo tshela metsi ka bonako jo bo ka kgonagalang.
Fa o batla tshedimosetso go ya pele, kgotsa o akanya gore o ka tswa o na le kholera, etela tliliniki e e gaufi, bookelo, ngaka kgotsa modiri wa boitekanelo.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala.txt</fn>
Mojanala ke eng?
Bukana e ke dipholo tsa tirisano magareng ga Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala, Khansele ya Aforika Borwa ya Kgwebo ya Bojanala, Lenaneo la Kgwebo ya Bojanala le ABSA.
Bukana e e ikaegile ka tshedimosetso e e rebotsweng ke ditheo tse di tshwanetseng e ka nna ka tlhamalalo kgotsa ka di-websaete.
Babatlisisi ba tsaya gore tshedimosetso yotlhe e rebotswe ka mowa o montle mme e nepagetse.
Re ka se rwesiwe maikarabelo a nepagalo kgotsa go felela ga tshedimosetso e re e filweng. Fa o ka eletsa gore mokgatlho wa gago o akaretswe mo ditokafatsong tsa isagwe tsa bukana e, tweetswee dirisa Imeilee e: kmosweu@deat.gov.za c Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala.
Dikgwebo tse di Potlana, tse di Magareng le tse Dikgolo (di-SMME) ke dienjene tsa tlhabololo. Di baka pakego ya ditiro le pakego ya lehumo. Kantlha ya moo go botlhokwa gore di-SMME di engwenokeng go itsweletsa le go gola. Go fitlha fa Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala ka Makala a lona a Bojanala le tsweleditse sephuthelo sa didirisiwa tse di lebisitsweng mo go thuseng bagwebi ba bojanala go tsweletsa dikgwebo tse di nang le dipoelo le tswelelopele.
Go tlamelwa ka matlole ga Lenaneo la Kgwebo ya Bojanala (TEP) le le lebisitsweng go thusa di-SMME tsa bojanala go tsweletsa dikgolagano tsa kgwebo le madirelo a magolo.
Sephuthelo sa dimojulu tsa katiso tsa bojanala tsa SMME, tse di akaretsang katiso mo thekisong, tsamaiso ya matlole, tsamaiso ya kakaretso ya kgwebo le temogo ya bojanala.
Buka e, e e rebolang tshedimosetso ya go tlamela SMME ka matlole mo setshabeng le mo lekaleng la poraefete le didirisiwa tsa kemonokeng.
Bukana e, e botlhokwa thata kantlha ya fa e tlhagisa dintlha tsotlhe tsa go fitlhelela tshedimosetso mo thusong ya kgwebo e e rebolelwang bogolo thata bagwebi ba bojanala.
E ke kgatiso ya boraro ya bukana. Ke kumo ya tirisano magareng ga Lefapha la me, Kgotla ya Kgwebo ya Bojanala ya Aforika Borwa le ABSA.
Mo lekgethong la ntlha bukana e, e tla nna teng mo dipuong tse dingwe tsa semmuso e leng Sezulu, Setswana le Seaforikanse. Re tla tswelelapele go tokafatsa bukana ngwaga le ngwaga le go e fetolela mo dipuong tse dingwe tse dintsi.
Ga ke na pelaelo ya gore bukana e e tla go tswela molemo mo maitekong a gago a kgwebo mme ke go eleletsa masego otlhe mo go tlhomeng kgwebo ya bojanala e e golang le go nna le dipoelo.
Tona: Merero ya Tikologo le Bojanala.
Mojanala ke eng?
Ke na le kakanyo e kgolo!
Potso - A ke na le bokgoni jwa go nna mogwebi?
Nka tlhopha kgwebo e e ntseng jang?
O amogetswe mo lefatsheng le le ntle la bojala. Re solofela fa o tla bona mosola wa phasalatso e.
Buka e e tla go naya tshedimosetso e e mosola go go thusa mo maitekong a gago a go tlhoma kgwebo e e amanang le bojanala. E akaretsa ditlhogo go tloga ka tsa go kwala leano la kgwebo go fitlha kwa phitlhelelong ya tšhelete mme e bile e go naya dintlha tse di botlhokwa tsa kgokagano. Tsweetswee gakologelwa gore se ke tshoboloko mme re tshikinya thata gore o lebe metswedi e mengwe ya tshedimosetso.
Nngwe ya dipopego tse di botlhokwa tsa buka e ke gore e go rebolela tshedimosetso ka maiteko otlhe a a leng teng, go go thusa go tlhoma kgwebo e ntshwa kgotsa go godisa e e setseng e le teng. Dirisa lenaneo la kgokagano go bona gore ke mang a tla siamang thata go go thusa mme o ikgolaganye le ene ka tlhamalalo.
Gakologelwa gore bontsi jwa ditheo bo rebola ditirelo tse dintsi tse di farologaneng le thuso. Go boloka sebaka mo bukaneng e, ga re a boeletsa tshedimosetso ya bona mme re go kaela go ya kwa tsebeng e e maleba.
Bontsi jwa diporofense bo na le maiteko a tsona le diphasalatso tse dikgolo. Ikgolaganye le tsona ka tlhamalalo mo dintlheng tsa kgokagano tse di tlhagisitsweng mo Kgaolong ya bo 5.
Go tlhoma kgwebo ya gago ga se tiro e e bonolo mme e batla tiro e ntsi le boineelo. Bojanala ga bo farologane le madirelo a mangwe mo ntlheng e. Re akareditse dipotso tsa boithabiso mo Kgaolong ya bo 5 go go naya sesupo gore a o na le "bokgoni" go tsena mo kgwebong ka bo wena. Go botlhokwa gape gore o nne le kitso e ntsi go ya ka fa go kgonegang ka teng. Buisa thata go ya ka fa o kgonang ka teng - se se akaretsa makwalodikgang, dijenale le di-websaete.
Go botlhokwa go tsaya bukana e, e le ntlha ya tshimololo e seng kaelo tota ya go nna le kgwebo e e atlegileng ya bojanala. Dirisa lenaneo la kgokagano go bona tshedimosetso ya go ya pele mme o se ke wa emisa go ithuta ka kgwebo ya gago le madirelo a bojanala.
Go bona kaelo e e tletseng, ABSA e tlhagisitse kaelo e e feletseng ya kgwebo mo dibukaneng di le 10 tse di ka tsewang kwa ntle ga tuelo mo websaeteng ya yona ya www.absa.co.za/business. Tobetsa mo tlhophong ya Thulubokoso ya Kgwebopotlana [Small Business Toolbox]. Re atlanegisa gore o fitlhelele se go bona dintlha tsa go ya pele fa go tlhokega.
Keleletso masego le kamogelo mo lefatsheng le le ntle la bojanala!
Go nnile le ngangisano ka tlhaloso ya " mojanala" le dikgwebo tse tota di dirisanang le bajanala. Mojanala ke motho yo a etang le go nna kwa ntle ga tikologo ya gagwe ya tlwaelo mo pakeng e e rileng mme a ka nna mojanala wa "legae" - yo a nnang mo Aforika Borwa mme a etetse kwa karolong e e farologaneng ya naga le lelapa la gagwe le ditsala go itumelela boikhutso; moeti wa "kgwebo" yo a etileng go tswa kwa nageng e nngwe kgotsa mo teng ga Aforika Borwa go tsweletsa ditiro tsa kgwebo kgotsa moeti wa "boditšhabatšhaba" yo a tlileng mo Aforika Borwa go tswa kwa nageng e nngwe go bona se re nang le sona.
Mo tsamaong ya dingwaga bojanala bo tsweletse go nna kgwebo e e tsweletseng mo Aforika Borwa.
Bojanala mo Aforika Borwa bo akaretsa makala a mantsi a a dirang otlhe gore moeti a nne le maitemogelo a a amogelesegang le a a ka se lebalweng a naga ya rona.
Lekala la dipalangwa, le le amanang le thwalo ya bajanala (selegae le boditšhabatšhaba) mo teng le go dikologa Aforika Borwa, sekao: difofane, dišatlelle, diterena, dibese, dikepe, ditekisi, jalo le jalo.
Baemedi ba maeto, ba tiro ya bona e kgolo e leng go rekisa tiriso ya nakwana ya thwalo (lowapi, seporo, tsela le metsi) bonno, maeto le ditirelo tse dingwe tse di amanang.
Mogwebi wa maeto ke motho yo a nang le kgwebo e e tsamaisang bajanala ba ba duelelang maeto a a rulagantsweng mme o dira dithulaganyo tsa badirelwa mo mabakeng a bonno, dipalangwa le maeto.
Mosupatsela, ke mongwe le mongwe yo a nang le tshwanelo yo a duelelwang kgotsa a putswa go pata batho ba ba tsamayang kgotsa go etela lefelo lengwe mo teng ga naga le go naya batho ba go nna jalo tshedimosetso kgotsa ditshwaelo mabapi le mafelo kgotsa dilo tse di etetsweng.
Kamogelo (bonno) e amana le tlhagiso ya bonno, sekao: marobalo le dijo, ntlo ya baeng, go iphepa, dihosetele tsa baeti ba bašwa, motele, hotele, jalo le jalo.
Kamogelo (dijo le dino) ke mafelo a a rebolelang thata baeng ba selegae le ba boditšhabatšhaba ditirelo tsa dijo, sekao: diseturente, diphapo le dithabene, marekisetso a dijo tse di apeetsweng ruri jalo le jalo.
MICE (Dikopano, Dithotloetso, Konferense le Dipontsho) ke lekala le maikaelelo magolo a lona e leng go rulaganya kgotsa go tshwara dikopano le ditiragalo tse dingwe jaaka dipontsho mme gantsi le rulaganyetsa batlakopanong tee le dijotshegare.
Dikgogedi tsa bajanala ke mafelo kgotsa dilo tse di etelwang ke bajanala, sekao: Table Mountain, dimosiamo, Dikgaga tsa Cango, jalo le jalo.
Re aga mmogo kumo ya bojanala e e bapatswang mo dinageng tse dingwe ka dipontsho tsa boditšhabatšhaba go tlhotlheletsa baeti go tla go bona se se rebolwang ke naga ya rona e ntle, sekao: tlelaemete e e gaisang, botshelo jwa naga, mabopo a mantle, matshwao a hesitori, batho ba ba botsalano, go dira ditheko le mafelo a mangwe a mantsi le dikgogedi tse di itlhaotseng tsa Aforika Borwa.
Bojanala bo ama bodirelo bongwe le bongwe mo nageng e ka tsela nngwe.
Mojanala ke eng?
Nngwe ya dikgwetlho tsa madirelo a bojanala ke gore gantsi thekiso ya kumo kgotsa tirelo ga e ka tlhamalalo magareng ga motlamedi le modirisi mme e dirisa makala a mantsi a a mo magareng (motho yo o magareng).
Se re se bitsa "tšhanele" e e kayang mekgatlho e e farologaneng le mokgwa o e dirang mmogo ka yona go tlisa bajanala mo Aforika Borwa go tswa gongwe le gongwe kwa ba leng gona mo lefatsheng.
Ka ntlha ya moo go botlhokwa mo go wena go tlhaloganya sentle e seng fela ka gore ke mang yo a tla nnang modirisi wa bofelo wa kumo ya gago kgotsa tirelo mme o tshwanetse wa itse gore o dirisana le mang mo tšhaneleng go tsweletsa kgwebo ya gago.
Re akareditse fa tlase setshwantsho sa gore tshanele e ka direla jang motlhagisi wa bonno le gore ke mang a amogelang eng go tswa mo tiregong e. O tla lemoga gore ba ba mo gare ba amogela tshwaiso go tswa mo motlameding wa bonno - mo nneteng ke batlamedi ba tirelo ya papatso ya mong wa bonno.
Fa modirisi a batla go etela lefelo o tla golagana le moemedi wa maeto yo a tla mo direlang sephuthelwana ka go dirisa maeto a a rulagantsweng go le pele, a a rebolelwang mogwebi wa maeto wa kgwebokgolo. Mogwebi wa maeto wa kgwebokgolo o tla golagana le boroukara wa maeto a selegae / mogwebi wa maeto mo Aforika Borwa go rulaganya kgotsa go tshikinya loeto. Mogwebi wa maeto a selegae o tla dira dipeeletso ka tlhamalalo le dikumo. Botlhe ba dira mo maemong a tshwaiso.
Bua le mokgatlho wa gago wa bojanala wa porofense go bona kgakololo ya gore o ka bapatsa jang kgwebo ya gago. Tshedimosetso ya go ya pele e akareditswe mo karolong ya Papatso mo Kgaolong ya bo 4.
Go nnile le phasalatso e kgolo fa gautshwane ka madirelo a bojanala mo Aforika Borwa mme re motlotlo thata ka palo e e golang ya bajanala ba ba etelang naga ya rona e ntle. Ditiragalo tse di botlhokwa jaaka Metshameko ya Kgwele ya Dinao ya Sejana sa Lefatshe ya 2010 e tla nna le tshwaelo e kgolo mo madirelong a rona mme go ka nna le ditshono tsa mogwebi yo a nang le metswedi.
Gantsi o utlwa mongwe a bua sengwe se se tlisang kakanyo mo monaganong wa gago. Tota o ka nna motlotlo ka kakanyo e mme se se botlhokwa ke go nna le maikutlo a gore kakanyo e tla dira mo botshelong jwa nnete le go nna le dipholo tsa kgwebo e e nang le dipoelo.
Eno ke kgato e patlisiso ya ka bonako ya kgonego e ka thusang gore o swetse go tsweletsapele kakanyo ka botlalo. "Kgonego" e kaya fela go direga kgotsa go diriwa bonolo. Go rekisetsa ngwedi diphuthelwana tsa loeto ga go kgonege (mo sebakeng se!!!).
Go siame, o tshwanetse wa dira thuto e jang?
Botsa dipotso tse dintsi.
Batlisisa gore a go mongwe yo a dirang sengwe se se tshwanang mme o ba kope go arogana maitemogelo a bona le wena.
Dira dipalo tsa matlole tse di sa totobalang. Gape fa batho ba ikemiseditse go duela R1.00 mo selong se se go jeleng R2.00 go se tlhagisa seno se raya gore ga se kakanyo e e kgonegang.
Dira dipatlisiso tse di sa totobalang tsa mmaraka. Batlisisa bareki ba gago ba ba ka nnang teng mme o ba botse gore a ba ka meanokeng kgwebo e ntshwa. Botsa batho gore ba batla dithoto le ditirelo tsa mohuta mang.
Thulusu e nngwe e e mosola ke ya go dira patlisiso ya SWOT. SWOT e emetse Maatla, Makowa, Ditshono le Matshosetsi, mme e botlhokwa thata mo go thuseng mo tirong ya go tsaya tshwetso, bogolo thata fa o leka go tlhopha magareng ga dikakanyo tse dintsi tse di farologaneng. Kwala nngwe le nngwe ya ditlhogo mo lenathwaneng la pampiri mme o dire lenaneo la maatla otlhe, makowa jalo le jalo le dikakanyo tsa gago / kgwebo e e ka nnang teng.
Re akareditse sekao sa patlisiso ya SWOT mo Kgaolong ya bo 5.
Morago ga tseno tsotlhe, ke nako ya go dira Leano la Kgwebo fa o akanya gore kakanyo ya gago e santse e le e e siameng.
Ke na le kakanyo e kgolo!
Leano la Kgwebo le dirisiwa go tsaya dikakanyo tsa gago tsa kgwebo e ntshwa le go di kwala fa fatshe ka go atolosa dintlha tsa tsona. Leka go kwala leano la gago la kgwebo gonne tseno ke dikakanyo tsa gago. Fa o utlwa gore o tlhoka thuso ka lokwalo leno le le botlhokwa go na le ditlamo tse dintsi go go thusa. Re di kwadile kwa bokhutlong ba karolo e.
Leano la gago la kgwebo le tla nna le tshedimosetso ya botlhokwa tebang le kumo ya gago kgotsa tirelo mme ga le ne le dira fela jaaka lokwalo le o ka bonang ka lona thuso ya matlole mme le ka dirisiwa jaaka kaelo ya gago e o e latelang fa o dira kgwebo ya gago. Le tla kgona go tlhalosa dipotso tsa gore o dirise thulaganyo efe ya kgwebo, gore a o tla batla badiri le gore kgwebo ya gago e tla nna kae.
Thuto ya kgonego kgotsa go diragala - Kakanyo ya me e tla dira jang?
Thulaganyo ya togamaano le kaelo ya tebelopele - Kgwebo ya me e tla gola jang mme ke lebile mmaraka ofe?
Kaelo ya tiro - Leano la tiro la letsatsi le letsatsi.
Thulusu ya matlole - Leano la kgwebo le le tletseng le le dirilweng ke dintlha 1, 2, 3 le tla supetsa babeeletsi gore o itse maikemisetso a gago le gore kgwebo ya gago ke peeletso e e siameng.
Tshobokanyo e, e na le dintlha tse di botlhokwa thata tsa leano la gago la kgwebo jaaka di tlhagisitswe fa tlase mo ditlhogong tse di farologaneng mme ka go lebiwa ka bokhutshwanyane, di tshwanetse tsa naya motlhagisi wa matlole le babeeletsi tshedimosetso e e lekaneng ya leano la gago la kgwebo.
Tshoboloko e akaretsa tshedimosetso malebana le aterese ya mmila wa kgwebo ya gago, mohuta wa kgwebo, sekao: ntlo ya baeng kgotsa mogwebi wa maeto, jalo le jalo, go sa kgathelesege gore a kgwebo ke Closed Corporation (C.C), Mogwebanosi [Proprietor] kgotsa Company (Pty) Ltd. Go botlhokwa gore o tlhophe sebopego se se tshwanetseng maikemisetso a gago. Tlhaloso ya mehuta e e farologaneng ya dipopego tsa kgwebo e tlhagelela mo Kgaolong ya bo 5.
Tshedimosetso e nngwe e e tshwanetseng ya akarediwa mo setlhogong se ke gore a kgwebo ke e ntshwa gotlhelele kgotsa e rekilwe jaaka kgwebo e e ntseng e le teng. O tshwanetse wa akaretsa diphitlhelelo le maikemisetso, kumo kgotsa ditirelo tse di rebolelwang modirisi le gore o bonelapele jang kgaisano le mekgatlho e e mo kgwebong e e tshwanang. Akaretsa thekenoloji e o tla e tlhokang go tsamaisa kgwebo ya gago ka tshwanelo, sekao: dikhomputara, ditelefounu, dimatšhini tsa fekese, jalo le jalo.
O tshwanetse wa tlhalosa gore o tla thapa mang (fa go le mongwe ntle le wena) le gore seabe le maikarabelo a bona e tla nna afe. Fa go kgonega, dira lenaneo le le supang gore mang o dira eng mme o ikarabela mo go mang.
Tlhatlhobo ya Bodirelo le Mmaraka ke tshedimosetso e e botlhokwa e e batlegang go batlisisa isagwe ya kgwebo ya gago. Tlhatlhobo ya mmaraka e tshwanetse ya akaretsa tshedimosetso ka bodirelo jwa bojanala ka kakaretso mo Aforika Borwa - bannileseabe ba botlhokwa, ditlwaelo le ditiragalo tsa bosetšhaba le tsa boditšhabatšhaba le melawana e e farologaneng e e ka tlhotlheletsang kgwebo ya gago.
Tlhatlhobo ya mmaraka mo letlhakoreng le lengwe e akaretsa tshedimosetso e e rileng ya karolo ya nnete ya mmaraka wa bojanala o kgwebo ya gago e leng mo go ona, sekao: baemedi ba maeto, mafelo a dikonferense, jalo le jalo - ditlwaelo tsa mmaraka o o leng teng, badirelwa / baeng ba ba ka nnang teng le gore o tla netefatsa jang gore o a gaisana.
Leano la gago la thekiso le papatso le tlhalosa ka moo o tla bapatsang kgwebo ya gago ka gona. Sebopego sa peotlhotlhwa (lotseno) sa kumo ya gago se tshwanetse sa akaretswa fa mmogo le ditshono tsa papatso tse di tla go thusang go fitlhelela lotseno le o ikemiseditseng go le amogela. Ditshono tsa papatso di ka akaretsa: diphasalatso tsa papatso tsa bodirelo tse di leng teng, dipampitshana, dipontsho kgotsa ketelo ka tlhamalalo ya badirisi ba ba ka nnang teng. Leka go tlhoma matlha a go diragatsa se o batlang go se fitlhelela. Ka lesego leano la papatso ke sengwe se o tla se dirisang ka metlha mme se tla gola le go fetoga le kgwebo ya gago. Ka jalo o se ke wa tshosiwa ke maiteko a gago a ntlha.
Go dira maano a matlole go ka tshosa thata mme tota ke karolo e e botlhokwa ya leano la gago ka kakaretso. Gore kgwebo ya gago e atlege o tshwanetse wa itse gore o tla bona lotseno le le kanakang le gore ditshenyegelo e tla nna dife. Kgwebo e ka se atlege mo pakeng e telele fa ditshenyegelo tsa gago di feta lotseno.
Ka tlwaelo dipegelo tsa matlole di akaretsa tekanyetso ya go dira, dipegelo tsa kelelo ya kheše le phopholetso ya dišiti tsa tshalelo tsa bonnye jwa dingwaga di le tharo.
Dikgwebo tsotlhe di tshwanetse tsa tshegetsa melao le melawana e e maleba.
Mengwe ya melao le melawana eno e a tshwana mo mehuteng yotlhe ya dikgwebo (sekao: kwadiso ya SARS ya makgetho) mme e mengwe e lebagane le mohuta wa kgwebo. Sekao: mogwebi wa maeto o tshwanetse a nna le phemiti ya kgweetso ya setšhaba mme bara e tshwanetse ya nna le laesense ya bojalwa. Batlisisa mo mokgatlhong o o tshwanetseng wa kgwebo gore go batlega eng go tsamaisa kgwebo ya gago.
Patlisiso ya SWOT e ntse jaaka e sekasekilwe mo karolong e e fetileng mme jaanong e tshwanetse ya lebiwa ka botlalo (leba Kgaolo ya bo 5 go bona sekao).
Lokwalo lengwe le lengwe le le kaiwang mo mmeleng wa leano la kgwebo, fa re naya sekao: dipegelo tsa matlole, dithuto tsa go amega ga tikologo, di-CV tsa badiri, dibukana le diphasalatso di tshwanetse tsa akaretswa mo leanong la gago la kgwebo. Fa tlase o newa lenaneo la mekgatlho e e ka go thusang go kwala leano lwa gago la kgwebo.
Khula Enterprises, ka Lenaneo la yona la Kgakololo la Thuso e naya thuso mo tlhabololong ya maano a kgwebo a a tla tlhagisiwang le kopo ya kadimo.
Dikadimo mo bankeng magareng ga R50 000 le R300 000 - Thuso e duela 75% ya ditshenyegelo tsa Leano la Kgwebo.
Thuso e duela 50% ya tshenyegelo ya Leano lwa Kgwebo.
Lenaneo le le tletseng la dinomore tsa kgokagano mmogo le tiro ya go dira kopo ya thuso go tswa go Khula le mo tsebeg ya bo 19 ya bukana e.
Lenaneo la Kgwebo ya Bojanala ke eng?
Lenaneo la Kgwebo ya Bojanala TEP ke maiteko a a tshwaraganetsweng a DEAT/ Terasete ya Kgwebo. Maikaelelo a magolo a TEP ke go tlhotlheletsa le go kgonagatsa kgolo le katoloso ya di-SMME mo ikonoming ya bojanala gore go nne le pakego ya ditiro le kgolo ya lotseno.
TEP e supa, e kgonagatsa le go gapeletsa kgwebo ya lotseno e e dirang sentle magareng ga bannileseabe ba bodirelo le di-SMME.
TEP e kgona go rebolela tse di fa godimo matlole ka go arogana ditshenyegelo. Le fa go le jalo di-SMME di tshwanetse tsa supa kgono ya kgolo le pakego ya ditiro gore di bone thuso ya matlole.
Ditshenyegelo tsa go dira.
Le fa go le jalo re thusa go kgonagatsa tiro ya go bona matlole le tekano.
Go tla nja bokae go nna le seabe?
Ga o duele sepe go kwadisa. Kwadiso e a patelesega go bona kemonokeng ya TEP.
O rata go rebola tshedimosetso ya kgwedi le kgwedi ya lotseno le ditiro.
Maikemisetso a BRAIN ke go rebola ditirelo le tshedimosetso ya boleng jo bo kwa godimo ka tiriso ya dipopego tse di leng teng tsa tlamelo go netefatsa tokafalo mo kgwebong ya di-SMME, go lebilwe thata Batho ba ba Sitetsweng go ya ka Hesitori le dikgwebo.
Lenaneo la Mararang a Tshedimosetso le Kaelo ya Kgwebo (BRAIN) le simolotswe ke Lefapha la Kgwebo le Madirelo mme jaanong le laolwa ke Teresete ya NAMAC.
Lenaneo le gokagane le ditheo tse di emangnokeng kgwebo go kgabaganya naga gore le tle le tlisetse ditšhaba tsotlhe mo Aforika Borwa ditirelo. Badiri ba setheo ba katisitswe mo metsweding ya tshedimosetso ya BRAIN le go matlafatswa gore ba tlhagisetse badirisi mo ditshabeng tsa bona tiro e e tokafatseng.
Websaete ya BRAIN e na le ditsebe di feta 300 tsa tshedimosetso e e tletseng ya kgwebo. Tshedimosetso e katolosiwa le go kaonafatswa ka metlha. Saete e gogela baeng ba feta 27,000 ka kgwedi mme bontsi jwa bona ke ba dinaga tsa boditšhaba ba ba ratang go dira kgwebo le ditlamo tsa Aforika Borwa.
Setheo se tlametswe ke bagokaganyi ba tshedimosetso ya kgwebo ba ba kgonang go fitlhelela metswedi e mentsi ya tshedimosetso. Setheo se amogela dingongorego ka mogala, fekese, Imeile, poso le ka sebele. Dingongorego tsa motheo di arabiwa mo letsatsing fa dipatlisiso tse di matswakabele di arabiwa mo sebakeng sa beke kgotsa tse pedi go ya ka maemo a patlisiso le go nna teng ga modirelwa go amogela tshedimosetso. Dipatlisiso tsotlhe di tsenngwa mo polokelong ya dintlha mme modirelwa o a letsetwa go netefatsa gore o amogetse tshedimosetso e e maleba.
Dingongorego di ka falogana go tswa go tse di bonolo, jaaka sekao: Ke mang a ka nthusang go tlamela kgwebo ya me ka matlole, go fitlha go tse di matswakabele tse di amang tiro ya go tlhama, mebaraka ya boditšhabatšhaba, tlolo ya pheitente, jalo le jalo. Go fitlhelela maano a a bonolo a kgwebo, Lokwalokgang la kgwedi le kgwedi le le botlhokwa la di-SMME le tshedimosetso e nngwe e e mosola, tsena mo www.brain.org?
Letlole la Bašwa la Umsobomvu le tlhomilwe ka 2001 ke Mmuso wa Aforika Borwa go rarabolola dikgwetlho tsa bašwa ba bantsi ba ba sa direng mo Aforika Borwa.
Letlole la Bašwa la Umsobomvu le simolotse Lenaneo la ntlha la Ditirelo tsa Boutšhara la Tlhabololo ya Kgwebo kwa diporofenseng tse di latelang: Kapa Botlhaba, Gauteng, KwaZulu-Natal, Limpopo le Kapa Bophirima. Boutšhara ke lokwalo le le fiwang badirelwa ba ba tlhophilweng go ba letla go reka ditirelo tsa kemonokeng ya kgwebo (thuso ya sethekeniki) go tswa mo lenaneong la batlamedi ba ba amogetsweng ba ditirelo. Lenaneo la Boutšhara bogolo thata ke la bašwa ba ba magareng ga dingwaga di le 18 le 35, mme le tla thusa bagwebi ba bašwa go fitlhelela ditirelo tse di latelang tsa kemonokeng ya tlhabololo ya kgwebo.
Tiro ya Ntsika ke go naya lekala la SMME kemonokeng e e seng ya matlole. Ntsika e emanokeng Ditheo tsa Selegae tsa Tirelo ya Kgwebo di le 140 (LBSC). Dirisa nomore ya mogala e e sa duelelweng e e fa tlase go bona gore ke LBSC e e leng gaufi le wena.
Fa o sena o nna le leano la gago la kgwebo, o ka le dirisa go bona matlole a kgwebo ya gago. Lemoga gore le fa go na le mananeo a mantsi a go tlamela dikarolo tse di rileng tsa kgwebo ya gago. Netefatsa gore o buisitse le go tlhaloganya mabaka otlhe pele o ikgolaganya le batlamedi bano ba matlole kgotsa o ka senya nako le maatla. Re dirile lenaneo la mekgatlho e e ka go thusang ka matlole le go tlhagisa ka botlalo se e dirang ka sona le dintlha tsa dikgwebo tse e di tlamelang ka matlole.
Nka bona kae tšhelete go simolola kgwebo ya me?
Makala a mabedi a Lefapha la Kgwebo le Madirelo, Mokgatlho wa Kgwebo (TEO) le wa Kgwebo le Dipeeletso wa Aforika Borwa (TISA) o thusa di-SMME.
Thuso e ke ya mehuta e e farologaneng ya dithoetlo tse bogolo e leng tsa matlole tse di ka bonwang ke dikgwebo tsa bojanala. Ba dira kopo ya katoloso ya thoto, thuso ya papatso, katiso le tlhabololo. Mo sebakeng seno Lefapha la Kgwebo le Madirelo le sekaseka bontsi ba dithotloetso tse go oketsa tsweletsopele ya tsona mo dikgwebong tse di amanang le bojanala. Disekema tse tsa thotloetso di kwadilwe mo dikgaolong tse di farologaneng tse di maleba.
Lenaneo la Tlhabololo ya Dikgwebo tse di mo Magareng le tse di Potlana (SMEDP) le rebola dithotloetso tsa dithuso tsa tšhelete go thusa bojanala mo dikgwebong tse di maleba mo Aforika Borwa morago ga go tlhomiwa ka mokgwa wa pusetso. Thuso e fiwa dikgwebo tse dintshwa le tse di leng teng tse di eletsang go atologa.
Ke diporojeke dife tse di tlamelwang?
Dikgwebo tse di mo Aforika Borwa.
Diporojeke tse dintshwa le katoloso ya tse di leng teng.
Dikgwebo tsa marobalo / kgotsa dijanaga tsa bojanala tse di nang le kgono ya kgolo ya bonnye jwa 25% mo ngwageng wa ntlha wa ditšhelete.
Dikgwebo tse di tlhaotsweng go nna batlhagisi ba bonno jwa paka e khutshwane, sekao: dihotele, marobalo le difitlholo, diloje le di tšhalete.
Badirisi ba maeto ba ba direlang bajanala fela.
Dikgwebo tse di nang le ralawei ya poraefete, tsela ya kheibole ya kwa godimo, dipalangwa tsa thwalo tsa mo metsing a matamo, matsha le tse dingwe.
Thuso ya tšhelete e e senang lekgetho ya dingwaga di le pedi e e ikaegileng ka tlhotlhwa ya dipeeletso mo kagong, fanitshara, didirisiwa le dijanaga.
Thotloetso e kgolo ya R3 050 000.00 ka ngwaga ya dikgwebo tse di nang le dipeeletso mo dikagong, fanitshareng, didirisiwa le dijanaga.
Ke dira kopo jang?
Bona bukana ya tshedimosetso le foromo ya kopo go tswa go Lefapha la Kgwebo le Madirelo, Mokgatlho wa Kgwebo (TEO).
Isa foromo go Lefapha la Kgwebo le Madirelo, TEO go sekasekiwa.
Bojanala jo bo Ikaegileng ka Setšhaba ke eng?
Gantsi ditšhaba tsa magae ke tsona dikgaolo tse di humanegileng thata mo nageng. Tirisano e, e tsweletsa bojanala jo bo amang setšhaba sa magae mo tlhabololong, tsamaisong le go nna beng ba dikgwebo tsa setšhaba tse di tsweletsang le go tsosolosa ikonomi ya magae ka tiriso ya metswedi ya tlhago le ya setso. Bojanala jo bo ikaegileng ka setšhaba bo ikemiseditse go tlhagisa maitemogelo a a kgethegileng a nnete a setso sa Aforika Borwa, a a tla tlaleletsang mo pharologanong ya dikgogelo le maitemogelo a bodirelo jwa bojanala.
Go thusa mo go bopiweng ga kgwebo e e tshwaraganetsweng kgotsa tirisano.
Go thusa mo kokoanyong ya matlole.
Go gokaganya tshwaragano ya bannileseabe botlhe go emanokeng kgwebo.
Go thusa mo kwadisong ya kgwebo le kago ya bokgoni ba setšhaba.
Go thusa le go tlamela ka matlole go kwalwa ga thuto ya kgonego le maano a kgwebo le dithuto tse dingwe tse di tlhokegang mo tswelelopeleng ya kgwebo.
Go thusa mo kagong ya bokgoni le tlhabololo ya kitso ya ditokololo tsa setšhaba.
Go tshwaelo le go abela mo mekgatlhanong ya bojanala ya mebasepala ya selegae le ya porofense go rulaganya le go tlhabolola bojanala mo dikgaolong tsa magae.
Go thusa mo kamogelong le go akaretswa ga bojanala ba selegae mo dithulaganyong tsa bosetšhaba le mo maanong a papatso a porofense.
Go thusa ka tlhabololo le gore badirisi ba maeto ba nne le seabe mo ditseleng tsa bojanala tsa setšhaba.
Lekala la Kgwebo la Bojanala la Koporasi ya Tlhabololo ya Madirelo le tlamela ka matlole ditshenyegelo tse dikgolo tsa matlotlo mo dikgwebong tsa bojanala ka dikadimo.
Ikonomi ya porojeke e tshwanetse ya kgonega.
Tlhotlhwa ya kadimo ya IDC e tshwanetse ya feta diranta di le milione o le mongwe.
Go tlhokega gore mong a ntshe 40% ya paloyotlhe ya porojeke.
Mehuta ya diporoje e e ka amogelwang go newa matlole e akaretsa.
Diporojeke tse dingwe tse di batlang matlole thata.
Kgobokano ya tsalo go fitlha go dingwaga di le 2.
O ka dira kopo ya matlole ka tlhagiso ya leano la kgwebo le le tlhalosang porojeke e e ikaeletsweng le ditlhokego tsa yona tsa matlole. Leano la kgwebo le tshwanetse la nna le tshedimosetso e e tletseng ya mokopi, porojeke, tlhotlhwa, maano a papatso, thapo le tekanyetso ya bonnye jwa dingwaga di le tlhano go kgontsha IDC go sekaseka kgonagalo ya kgetse ya gago ya kgwebo.
Maikaelelo a Lefapha la Tlhabololo la Dikgwebopotlana la Eskom ke go tlhoma Dikgwebo tse di Potlana, tse di Magareng le tse Dikgolo (SMME) tse di tla tsweletsang Matlafatso ya Ikonomi ya Bantsho (BEE) le go oketsa thekiso ya motlakase mo dikgaolong tse Eskom e di tlamelang ka motlakase.
SBD ya Eskom ga e neye bagwebi matlole mme e sireletsa karolo ya kadimo e e bonweng ka Letlole la rona la Thotloetso.
SBD ya Eskom ga e ne e rekela bagwebi didirisiwa tsa matlole kgotsa go duela matlole a go dira.
Dikopo di tshwanetse tsa tlhaga mo ditshabeng tse di sitetsweng.
Dikgwebo tse di tshikinngwang di tshwanetse tsa dirisa motlakase KGOTSA tsa emanokeng maiteko a maano a Eskom, sekao: Patlo ya Botsamaisi jwa Lefelo le Bodirisi.
Tsweletso ya tlhabololo ya kgwebo go ya ka pholesi ya theko ya ESKOM ya Matlafatso ya Bantsho mo Ikonoming (BEE).
Kgonego, dithuto tsa papatso le ditshiamelo tsa leano la kgwebo.
Kgomaganyo ya mafaratlhatlha a motlakase.
Diselepe tsa konkereite tsa kgwebo ya dikhontheinara.
Phitlhelelo ya ditshono tsa kgwebo le kgwebisano.
Kitsiso, papatso le go simololwa ga dikgwebo tse di engwanokeng ke Eskom.
Tlhotlhwa ya semolao le ya tsamaiso ya go fetisiwa ga ditshiamelo.
Bagwebisani ba Kgwebo ke setlamo sa setšhaba se se seng mo lenaneong se se rulaganyang dipeeletso le ditharabololo tse di mosola go diragatsa ditlhokego tse di rileng tsa mogwebi yo a ikemisetseng.
Metseletsele ya dikwalo tsa tshedimosetso e e bonwang kwa ntle ga tuelo kwa diofising tsa Business Partners / Bagwebisani ba Kgwebo.
phitlhelelo e e bonolo ka mararang a naga ka bophara a diofisi di le 23 tse di rebolang kgokano e e sa duelelweng ya tshimologo ya bagwebi ba ba nang le leano la tiro le le dirang.
lefelo la tshedimosetso la bagakolodi ba feta 200 le bomankge ba ba leng teng go dirisiwa ke badirelwa ka dituelo tse di amogelesegang tse Business Partners e di rulagantseng mo boemong jwa bona.
Tirelo ya kgokaganyo ya dikago go emanokeng bagwebi mo go boneng mafelo a ba ka a hirang kgotsa dikago tse di tshwanetseng tse ba ka di rekelang dikgwebo tsa bona.
Tirelo ya tsamaiso ya dikago tsa bagwebi ba ba nang le mafelo a magolo a a laolwang kgotsa mafelo a dipeeletso a a tlhokang botsamaisi jo bogolo.
Business Partners e dumela fa kgwebo ya yona tota e le batho mme e ikemiseditse go beeletsa tota mo bagwebing.
Dibanka tsotlhe tsa kgwebo di rebolela badirelwa ba ba amogetsweng dikadimo. Ikgolaganye le lekala la gago ka tlhamalalo kgotsa Lekala la Potlana la Kgwebo jaaka go kwadilwe fa tlase. Gakologelwa gore ga o patelesege go dirisa banka ya gago ya jaanong fela ka ntlha ya gore dinako dingwe o ka bona thusa e e botoka kwa bankeng e nngwe e e lekang go gogela kgwebo ya gago.
Sekema sa Tshireletso ya Keretiti sa Khula ke eng?
Dinako dingwe go bona ditshiamelo tsa keretiti go ka nna boima gonne gantsi motlamedi wa matlole a ka batla thoto e e tshwanang le ntlo go sireletsa kadimo. Sekema sa Tshireletso ya Keretiti sa Khula se tlhomilwe go naya batho ba ba batlang go simolola kgwebo e nnye go fitlha go e e mo magareng matlole mme ba ka tswa ba se kile ba nna le tshono ya go kokoanya lehumo kgotsa dithoto tse dingwe go di rebola jaaka tshireletso (pabalasego) kwa bankeng gore ba tle ba bone kadimo. Mo lebakeng le, dibanka di ka dira kopo kwa go Khula go bona tshireletso e e tla dirang jaaka tshireletso ya 80% ya paloyotlhe ya kadimo, (ka palogodimo ya kadimo ya diranta di le milione).
Ba ba tla amegang mo tsamaisong ya letsatsi le letsatsi ya kgwebo mo nakong e e tletseng.
Ba ba ka rebolang kheše ya bona ya bonnye jwa 10%. Go dirisiwa mo go simololeng kgotsa go katolosa kgwebo.
Ba ba nang le rekoto e e phepa ya matlole.
Tshireletso ya Keretiti e teng mo kgwebong e ntshwa kgotsa mo kgwebong e e ntseng e le teng mme e batla go atologa. Mabaka a, a tshwana mo mabakeng a mabedi a. Tsweetswee ela tlhoko gore Sekema sa Tshireletso ya Keretiti se ka se dirisiwe mo dithekong tsa go reka o rekisa (sekao: fa mogwebi a batla go bula kgwebo ya bobedi mme a dira gore e laolwe ke molaodi).
Modirelwa o golagana le Ofisi ya Kgakololo ya Kgaolo ya Khula go bona Leano lwa Kgwebo kgotsa kemonokeng ya kgakololo.
Mogokaganyi wa kgaolo o atlanegisa mogakolodi morago ga tshekatsheko ya Leano la Kgwebo kgotsa kopo ya kgakololo. Tirelo ya Kemonokeng ya Setheo ya Khula e tla tlhoma mogakolodi.
Modirelwa yo a nang le Leano la Kgwebo le le feletseng o tla ikgolaganya le banka ya kgwebo go dira kadimo.
Banka e sekaseka Leano la Kgwebo le kopo go ya ka maemo a yona a kadimo.
Banka e tla rebola kadimo fa e kgotsofetse.
Fa kadimo e sena go fetisiwa go ka nna le tlhokego ya gore mogakolodi a tlhomiwe go thusa modirelwa ka tiragatso ya Leano la Kgwebo le taolo ya kadimo.
Fa kgwebo e itemogela mathata go ka nne ga tlhokega kgakololo ya paakanyo go thusa kgwebo ka go rebola ditharabololo tse di rileng go thusa go fitlhelela maikaelelo a yona.
Tsweetswee ela tlhoko gore tshedimosetso e e rebotswe ke Khula.
Seabe le tiro ya RFI ke go nolofatsa kadimo le matlole a tekano go dikgwebo tse di nnye, tse di mo magareng le tse dikgolo ka go rebola metseletsele ya metswedi ya matlole le go naya setšhaba tshedimosetso. Maikaelelo a Khula ke go netefatsa tokafalo ya go nna teng ga kadimo le matlole a tekano a di-SMME ka go rebola dikadimo, matlole a go simolola le tshireletso ya di-RFI tse di batlang matlole le bokgoni.
Ditirelo tsa Tlhabololo 336 0047 dikgwebo go feta dikgwedi di le 6.
R250 000 Claremont Tlamela dikgwebo ka matlole go feta dingwaga di le 2.
Letlole la Bosetšhaba la Matlafatso le tlhomilwe ke Molao wa 105 wa 1998 wa Letlole la Matlafatso la Bosetšhaba go matlafatsa batho ba ba sitetsweng go ya ka ditiragalo ka ditiro tsa matlole le peeletso.
Letlole le tla rebola tekano le tekano e e beetsweng nako ya matlole a ditheko tsa matlafatso tse di amang Batho ba ba Sitetsweng ka Ditiragalo (HDP). Di-HDP di tlhaloswa e le batho kgotsa makala a batho ba pele ga temokerasi e ntshwa e e supilweng ke go amogelwa le go dirisiwa ga Molao wa Molaotheo wa Riphaboliki ya Aforika Borwa ka 1996 (Molao wa 108 wa 1996), ba neng ba sitelwa ka kgethololo e e sa siamang e e neng e ikaegile ka morafe wa bona.
Peeletso e simolola ka R250 000 go fitlha go diranta di le milione. Maikaelelo a kumo ke go kgonagatsa go bakiwa ga dikgwebo tse di laolwang le go nna tsa bantsho tse di nang le bokgoni go nna dikgwebo tse di potlana / tse di magareng tse di tswelelangpele. Matlole ano a tla nnang mo sebopegong sa sekoloto le tekano a tla dirisiwa go reka didirisiwa, matlole a go dira, matlole a thuso, go bona laesense kgotsa forantšhaese mmogo le tsosoloso, dikhiro le dibonto tsa go dira.
Setlamo se se tshwanelwang ke letlole le se tshwanetse go nna Close Corporation, Koporasi kgotsa (Pty) Ltd mme 75% ya sona e tshwanetse ya laolwa le go nna ya bantsho.
Peeletso e farologana go tswa go diranta di le milione go ya go dimilione di le 3. Maikaelelo a kumo ke go kgonagatsa kgolo le tlhabololo ya dikgwebo tse di leng teng tse di laolwang le go nna tsa bantsho ka go rebola tšhelete ya katoloso. Letlole le le tla nnang mo sebopegong sa sekoloto le tekano le tla dirisiwa mo katolosong le mo thekong ya kgwebo.
Bodirelo jo bo tshwanelwang ke letlole le, e tshwanetse ya nna Close Corporation kgotsa (Pty) Ltd, bakaelo ba tshwanetse ba amega mo tsamaisong, boleng jwa kgwebo pele ga peeletso bo tshwanetse ba nna magareng ga diranta di le milione le dimilione di le lesome mme 51% ya yona e tshwanetse ya nna le go laolwa ke bantsho.
Peeletso e farologana go tswa go diranta di le dimilione di le tharo go ya go diranta di le dimilione di le lesome. Maikaelelo a kumo ke go kgonagatsa go fetolwa ga beng jwa bodirelo le go tlhotlheletsa gore bontsi jwa badiri e nne beng.
Matlole a a tla tlang mo sebopegong sa sekoloto le tekano a tla dirisiwa mo go ntsheng botsamaisi, go tsenngwa ga badiri le gore badiri e nne beng ba dišere. Bodirelo jo bo tshwanelwang ke letlole le, e tshwanetse ya nna setlamo se se seng mo lenaneong sa Limited, bakaelo ba tshwanetse ba amega mo tsamaisong, boleng jwa kgwebo bo tshwanetse ba nna magareng ga diranta di le dimilione di le lesome le diranta di le dimilione di le somamatlhano mme tekano ya 26% e tshwanetse ya lebisiwa mo beng ba bantsho.
Bontsi jwa diporofense bo na le matlole a tsona a tlhabololo. Dirisa lenaneo le go ikgolaganya le tsona ka tlhamalalo go bona dintlha tsa go ya pele.
Ithala e dira go kgabaganya karolo yotlhe ya tlhabololo mo porofenseng ya KwaZulu-Natal mme tiro e kgolo ke go kgonagatsa peeletso ya bojanala mo porofenseng.
Tlhabololo ya Kgwebo - Rre.
Jaanong ka ntlha ya fa ke simolotse le go dira...
Ka go tlhoka lesego bontsi jwa dikgwebo tse dintshwa bo a retela mo dingwageng tsa ntlha tse tharo tsa go dira ga tsona. Go botlhokwa go dirisa thuso yotlhe e leng teng go netefatsa katlego ya gago.
Khula ka Lenaneo la yona la Bogakolodi la Thuso e thusa go duelela ditirelo tsa mogakolodi yo a nang le maitemogelo mo sebakeng sa dikgwedi di le tharo go tloga mo kabong ya kadimo.
Se se ikaegile ka go diriwa ga konteraka magareng ga Thuso le Mogakolodi, e e tlhalosang maikaelelo a Bogakolodi ka sekala sa nako sa tlhagiso.
Go bona tshedimosetso e e tletseng ya Khula le dintlha tsa kgokagano e ya kwa tsebeng ya 19.
Mohuta wa kgwebo o o tumileng thata mo Aforika Borwa ke wa forentšhaese. Go reka forentšhaese go raya gore o na le tshiamelo ya go dirisa leina le go kopisa mohuta wa kgwebo e e leng teng. Wimpy, Kentucky Fried Chicken le SAA City Centre ke dikao tsotlhe tsa forantšhaese kwa lekala lengwe le lengwe la kgwebo le nang le mong yo a ikemetseng.
FRAIN e tlhomilwe ke Mokgatlho wa Forentšhaese wa Borwa jwa Aforika (FASA) ka kemonokeng ya Lefapha la Kgwebo le Madirelo (DTI). Maikaelelo a yona ke go tlhagisa tshedimosetso ya maemo a a kwa godimo le ditirelo tsa kemonokeng mo bathong le di-SMME go netefatsa kgolo le tokafalo ya dikgwebo tse di leng teng le tse dintshwa tsa dikgwebo tsa forantšhaese. Kgatelelo e mo bathong ba ba sitetsweng go ya ka ditiragalo, basadi le bašwa, mme maikemisetso ke go thusa mo go golaganeng le ikonomi e kgolo.
Fa kgwebo ya gago ya bojanala e sena go ema le go dira o tla tshwanelwa ke go gogela bareki le go ba tshola. Ditlamo tsotlhe tsa bojanala - go tloga go matlo a mannye a baeng go fitlha mo ditlhopheng tse dikgolo tsa hotele tse di nang le mafapha a tsona a kgwebo- di ipapatsa ka tsela nngwe.
Papatso ke eng?
Re kaya eng ka papatso Ka tlwaelo o akanya ka thekiso kgotsa dibukana. Ano ke mabaka a a bonalang a papatso. Mme go na le papatso e ntsi go na le dithekiso le dibukana, ke metseletsele e mentsi ya ditiro tse di rulagantsweng go supa le go kgotsofatsa bareki. Papatso ga se tiro ya nako e le nngwe ya go rarabolola mathata a kgwebo. Ke tirego mme e tshwanetse ya nna karolo ya kgwebo ya gago ya letsatsi le letsatsi?
Go baka sengwe se se tlhokwang ke bareki ba ba ka nnang teng.
Go rebola kumo ya gago mo lefelong le le siameng le go gogela bareki.
Go rebola kumo ya gago ka tlhotlhwa e e amogelesegang le go lolama.
Go dira gore bareki ba ba ka nnang teng ba itse ka kumo ya gago ka mekgwa e mentsi ya kgokagano.
Go tsenela dipontsho tsa selegae le tsa boditšhabatšhaba.
Motswako wa papatso o leba mabaka a mane a magolo a a tshwanetseng a tsewatsia go dira gore kgwebo ya gago e atlege.
Lebaka la ntlha re le bitsa kumo. Fa re naya sekao: se e ka nna phaposi kwa ntlong ya gago ya baeng, loeto, kgotsa dijo tsa reseturente. Ke se batho ba batlang go se reka se se diragatsang ditlhokego tsa bona.
Le le latelang re le bitsa tlhotlhwa eo batho ba ipaakanyeditseng go e duelela kumo ya gago. Tlhotlhwa e e amogelesegang ke e e nayang modirisi boleng jwa tšhelete (VFM).
Lebaka la boraro ke lefelo le le kayang gore kumo e tshwanetse ya fitlhelelwa ke badirisi gore ba tle ba kgone go e reka.
Lebaka la bone la motswako wa gago ke kitsiso. Fa o na le kumo e e siameng ka tlhotlhwa e e siameng mo lefelong le le tshwanetseng, o tshwanetse wa e itsise. O tshwanetse wa dira gore bareki ba gago ba itse gore o na le kumo e e siametseng go rekiwa.
Jaaka go apaya, papatso e e atlegileng e tshwakanya metswako mmogo ka selekano se se nepagetseng. Ga go kae gore ka metlha go na le resepi e e tlhomilweng. Mo dinakong tse di farologaneng motswako wa papatso o o tlhokegang o tla farologana. O tla tshwanelwa ke go tsaya ditshwetso ka kumo ya gago, lefelo, tlhotlhwa le kitsiso.
Senotlolo sa papatso e e atlegileng ya kgwebo ya gago ke go supa ditlhokego tsa bareki ba gago le se ba se batlang. Go botlhokwa go supa yo a tla rekang kumo ya gago kgotsa ditirelo.
Ka go tlhatlhoba bareki ba gago ba ba ka nnang teng o tla lemoga gore ba ka bewa mmogo. Se se bidiwa mebaraka e e lebilweng. Mmaraka wa gago o o lebilweng ke batho ba tota o lekang go ba gogela mo kgwebong ya gago. Jaaka kgwebo e nnye o tla tshwanela go leba makala a a rileng a mmaraka kantlha ya fa o sa kgone go naya bareki dilo tsotlhe. Tshikinyo ya gago e e kgethegileng ya thekiso (USP) ke eng Ipotse - ke eng se se dirang gore o farologane le mogaisani wa gago USP e bolelela moreki sengwe ka kumo e e gaisang mo kgaisanong?
Morago ga go itse gore bareki ba gago ke bo mang le se ba se batlang, o tshwanetse wa dirisa dithulusu tse di farologaneng tsa kitsiso go ba itsise gore kgwebo ya gago e teng. Go na le dithulusu tse di farologaneng tse di leng teng go itsise kgwebo ya gago. Tse dingwe di dira go feta tse dingwe. Sephiri ke go tlhopha dithulusu tse go bonalang di tla dira thata.
Batho ba ka se reke kumo ya gago fa ba utlwa ka yona mo lokgethong la ntlha. O tshwanetse wa dira gore molaetsa wa kitsiso o kgatlhise. Mongwe wa mekgwa e e dirisiwang thata go netefatsa gore kitsiso ya gago e a dira ke o o itsegeng ka KKKK.
Kelotlhoko - Go bona kelotlhoko ya moreki yo a ka nnang teng - tiriso ya mebala, metlae, ditshwantsho, jalo le jalo.
Kgatlhego - Diteng tsa papatso di tshwanetse tsa dira gore moreki a kgatllhege.
KELETSO - Papatso e tshwanetse ya baka keletso mo bareking go reka kumo ya gago.
Kgato - Kgato ya bofelo ya KKKK ke go supetsa bareki ba gago gore tota ba ka tswelela jang go reka kumo ya gago - ka mantswe a mangwe go raya kgato.
Papatso mo kgwebong e nnye e ka nna thulusu e e tlhotlhwa godimo ya kitsiso. Le fa go le jalo, go ka nna botlhokwa mo go wena go tsweletsa maemo mangwe a papatso go oketsa temogo ya kgwebo ya gago. Papatso e tla ka mekgwa e mentsi, jaaka thelebisene, radio, diphousetara, makwalokgang le dimakasini.
Go kaiwa mo bobegakgang e ka nnang thulusu e e e botlhokwa ya kitsiso. Ditiro tsa Dikamano tsa Setšhaba di tlhotlhwatlase le go ikanyega thata go na le phasalatso. Thulusu e e siame mo go direng gore o itsege e bile e botlhokwa thata mo go netefaletseng setšhaba. Godimo ga moo ga go na sepe se se kgotsofatsang thata go na le go buisa se se kwadilweng mo lokwalokgang la selegae kgotsa la bosetšhaba ka kgwebo ya gago. Laletsa babegakgang ba selegae ba radio le ba TV go nna le maitemogelo ka kumo ya gago.
Fa o sena matlole a go tlhagisa bukana kgotsa dipampitshana ka seporofešenale o ka dirisa khomputara go di dira ka bo wena. Le fa go le jalo go botlhokwa go dirisa tšhelete mo thulusung e ya kgokagano go tlhagisa bukana e e lebegang e le ya seporofešenale. Fa o dira bukana ya gago dira gore e nne khutshwane le go nna bonolo.
tlhaloso ya setlamo sa gago tlhaloso ya kgaolo ya selegae dikaelo tsa gore o ya jang koo - fa sebaka se letla akaretsa mmapa ditshiamelo tse di leng teng mo setlamong.
tlotlomatso kgotsa sekgele sengwe se o se fentseng ditshwantsho tsa ditshiamelo / lefelo dintlha tsa kgokagano (aterese ya imeile, telefounu, dinomore tsa fekese, websaete, le aterese ya sebele).
Go akaretsa ditlhotlhwa mo dibukaneng tsa gago go tla fokotsa nako ya go dirisa dibukana tse. Gantsi ditlamo di akaretsa letlhare le le farologaneng la dituelo gore fa ditlhotlhwa di fetoga o se gatise gape bukana yotlhe.
O tshwanetse wa akanya ka tlhokomelo gore ke eng o batla go tsenya kgwebo ya gago mo inthaneteng. Go dira websaete go ka se bakele kgwebo ya gago dithekiso ka ponyo ya leitlho, aga websaete fa e le gore tota o a e tlhoka mme fa go le jalo o se ke wa dirisa tšhelete e ntsi mo go yona. Inthanete e botlhokwa mo go reboleng tshedimosetso ya kgwebo ya gago, mme ga e gaise thata mo go rekiseng kumo ya gago ka tlhamalalo. Le fa go le jalo tse ke dikgang tse dintle mo kgwebong e nnye ya bojanala. Go tlhotlhwatlase thata go direla kgwebo ya gago websaete e e bonolo.
rebola tshedimosetso e ntsi go ya ka fa go kgonegang ka teng ya naya tlhaloso e khutshwane ya se kgwebo ya gago e se dirang akaretsa lenaneo la dikumo le ditirelo tse o di rebolang.
Go na le dipontsho tsa bojanala le kgwebo go kgabaganya lefatshe jaaka Indaba, ITB le WTM. O ka golagana le Bojanala jwa Aforika Borwa go bona lenaneo la dipontsho tse dingwe. Ditshupetso kwa dipontshong di rebola tshono e kgolo go bontsha kgwebo ya gago le go oketsa dithekiso. Le fa go le jalo, o tshwanetse wa swetsa fa pontsho ya kgwebo e tshwanetse le go nna le mosola go tsenelwa kgotsa go bontsha kwa go yona.
Kgokagano kgotsa kopano jaaka e bidiwa ka dinako dingwe ke botsweretshi jwa go tlhakatlhakana le badirisi le batlamadi ba ba ka nnang teng mo tiragalong. Netefatsa gore o nna le seabe mo setšhabeng sa gago ka go tsenela dikopano tsotlhe tse di amanang le bojanala, ditlelapa tsa selegae, diforamo tsa bodirelo jwa bojanala, dipuisano le dikonferense. O tshwanetse wa akanya le go tsenela dikopano tsa mekgatlho ya bojanala. Gakologelwa go kwadisa setlamo sa gago mo lefelong la dintlha tsa tshedimosetso la porofense ya gago go netefatsa ditaletso.
Dikitsiso tsa dithekiso ke ditiro tsa paka e khutshwane tse di lebisitsweng mo go tlhotlheletseng kgatlhegelo ya dikumo le kgwebo ya gago. Ka gongwe o ka swetsa go rebola diphokoletso kgotsa dimpho jaaka maeto a sa duelelweng kgotsa lebotlolo la mofeine. Phokotso ya tlhotlhwa, tsenelo ya dikgaisano, "tse pedi ka tlhotlhwa ya e le nngwe", ke dingwe tsa dikao tsa ditiro tsa kitsiso ya dithekiso.
Go botlhokwa thata go ithuta go rekisa kgwebo ya gago. Bojanala ke kgwebo e e amanang le batho mme o tshwanetse wa nna karolo e e bonalang ya kgwebo ya gago.
Ditiro tsa papatso ka tlhamalalo di akaretsa ditshwantsho tsa makwalo, go rekisa ka mogala kgotsa go tsena ntlo le ntlwana. O tla tshwanelwa ke go bona lenaneo la barekisi ba ba ka nnang teng. Go bona lenaneo le la makwalo go ka nna tlhotlhwa godimo mo kgwebong e e simololang. Papatso ka tlhamalalo e akaretsa le dipampitshana tse di ka phatlhalatswang ka seatla, poso kgotsa go tsenngwa mo dimakasing kgotsa lokwalokgang la selegae. Dipampitshana ke tsela e e mosola ya go fetisetsa molaetsa wa gago go badirisi ba ba ka nnang teng.
Di nolofatsa kgolagano ya gago le badirisi.
Dikarata tsa kgwebo ga di tlhotlhwa godimo go diriwa mme ke thulusu e e dirang ka ntlha ya fa badirisi ba di fetisetsa kwa ditsaleng, bamalapa le badirammogo. Netefatsa gore o tshola dikarata tse dintsinyana mo go wena ka dinako tsotlhe go di fetisetsa kwa bareking ba ba ka nnang teng bogolo thata fa o tsenetse pontsho kgotsa tiragalo.
Ka lenaneo la tlhabololo ya DEAT / SMME, Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala le busetsa ka bontlhabongwe di-SMME ditshenyegelo dingwe tse di bonweng mo mabakeng a go tsenela dipontsho tsa boditšhabatšhaba. Maikemisetso a thuso e ke go tlhotlheletsa le go thusa ditlamo tsa Aforika Borwa go itsise dikumo tsa tsona mo mebarakeng ya boditšhabatšhaba, ka go nna le seabe mo dipontshong tse di amogelwang tsa boditšhabatšhaba, tse go tsewang fa di na le tshwanelo ya go tlhatlosa kgwebo ya bojanala ya Aforika Borwa. Dikopo tse go tsewang di sa siamela mmaraka wa boditšhabatšhaba di tla tlhabololwa, ka mananeo a katiso le tlhabololo.
EMIA ke thotloetso ya thomelontle e e busetsang dikgwebo bontlhabongwe jwa ditshenyegelo tsa thomelontle (sekao: go tsenela dipontsho, dipatlisiso tsa papatso). EMIA e na gape le dithotloetso tsa go gogela mo Aforika Borwa dipeeletso tse dintshwa tse di tlhamaletseng tsa boditšhaba.
Go bona dintlha tsa go ya pele tsweetswee letsetsa setheo sa tlhokomelo ya badiri mo 0861 843 384 kgotsa etela websaete e: www.thedti.gov.za.
Lenaneo la Kgwebo ya Bojanala (TEP) le lona le naya thuso ya papatso - leba tsebe ya bo 10.
THETA, Bothati jwa Bojanala, Kamogelo, Thuto ya Metshameko le Katiso ke Bothati jwa Lekala la Thuto le Katiso (SETA) bo bo tlhomilweng mo Molaong wa Tlhabololo ya Bokgoni (Nomore 37 wa 1998) wa Kamogelo ya Bojanala le Lekala la Ikonomi ya Motshameko.
Tirokgolo ya SETA ke go tshwaela mo go tlhatloseng bokgoni - go tlisa bokgoni mo go ba ba thapilweng kgotsa ba ba batlang go thapiwa mo lekaleng la bona. Di-SETA di dira se ka go netefatsa gore batho ba ithuta bokgoni jo bo tlhokiwang ke bathapi le setšhaba.
Le fa THETA ka bo yona e sa rebole katiso, o ka fitlhelela bakatisi ba ba amogetsweng le go kwadisiwa ke THETA. Ditheo tse dingwe tsa thuto jaaka dikolo tsa hotele le diyunibesiti le tsona di rebola dikhoso tse di kwadisitsweng le Bothati ba Borutegi ba Aforika Borwa (SAQA).
Maikemisetso a Lenaneo la Tlhabololo la Batlamedi ba Kgwebo ya Bantsho (BBSDP) ke go tsweletsa kgolo ya dikgwebo tsa bantsho ka go thusa go baka dikgolagano tsa kgwebo magareng ga di-SMME tsa bantsho, ditlamo le lekala la setšhaba. Kgokagano e botlhokwa thata mo di-SMME ke go gaisanela ka katlego dithentara go tswa mo ditlamong le lekala la mekgatlho ya setšhaba.
BBSDP e tla rebolela bagwebi ba bantsho ba ba nang le tshwanelo dithuso tsa karogano ya ditshenyegelo go ba thusa go fitlhelela katiso le bogakolodi go fedisa pharologano ya bokgoni e ba nang le yona. BBSDP e tla thusa mo kabong ya matlole a mananeo a katiso, tokafatso ya tsamaiso ya bolaodi, bokgoni bo bo rileng ba bogwebi le tlhabololo ya maano a papatso le didirisiwa.
Go tlamelwa ka matlole ga kgwebo e e golang kgotsa go katoloswa ga kgwebo ya gago go ka bonwa mo tshedimosetsong e e rebotsweng mo setlhogong se Nka bona kae tšhelete ya go simolola kgwebo ya me?
Kgaolo 3 mo bukaneng e.
Ke mang a nang le tshwanelo?
BBSDP e tla rebola thuso ya matlole go ya ka motheo wa 80 - 20 mme seo se raya gore BBSDP e tla duela 80% ya tlhotlhwa ya katiso ya kgwebo fa kgwebo e tla ntsha 20% ya ditshenyegelo.
Thuso e kgolo e e rebolwang ke BBSDP ke R100 000. Kgwebo e ka nne ya dira kopo ya diporojeke tse dintsi fela fa e le gore dithuso tsotlhe tse di rebotsweng fa di kopaneng ga di fete R100 000.
Rente, badiri le ditshenyegelo tsa dithoto tse di thata.
Matlole le dipeeletso tsa matlole a go dira.
Tiro nngwe le nngwe e e setseng e tlametswe ka matlole ke sekema se sengwe sa mmuso kgotsa setheo se mmuso o se tshegetsang ka bontlhabongwe kgotsa se se amogelang thuso e nngwe ya matlole go tswa go mongwe go na le mo kgwebong.
Foromo e e tladitsweng ka botlalo ya kopo e e romelwang go Mokwaledi wa Komiti ya taolo ya BBSDP.
Tlhaloso ya mmaraka wa dikumo kgotsa ditirelo tse di tlametsweng ke Kgwebo.
Leano le le supang gore Kgwebo e ikemiseditse go oketsa jang kgolo ya lotseno.
Dintlha tsa maano a kgolo e tla fitlhelelwang ka ona, sekao: diphetolo tsa ka bonako, tlhagiso ka nako, phokotso ya ditshenyegelo tsa tlhagiso, papatso e e tokafetseng, lenaneothoto le le fokotsegileng, jalo le jalo.
Mokgatlho wa Baemedi ba Maeto wa Aforika Borwa (ASATA) o bopilwe ka 4 Lwetse 1956. Bathei ba ona ba ne ba baka foramo ya baemedi mo bodirelong go tsweletsa tirelo ya boporofešenale ya pabalasego ya ditokololo tsa ona le badirelwa.
ASATA e gatelela kgololosego ya kgwebo kwa ntle ga go tlola melao le melawana. Re diragaditse ka tshwanelo Molaotheo le Khoutu ya Maitsholo e ka bo yona e laolang bodirelo jwa rona le go tlamela modirisi ka tshireletso le boiketlo jwa monagano.
Tlhatloso ya tlhabololo e e tswelelangpele, tiriso le tshireletso ya metswedi ya tlhago le setso.
Tlhoma bojanala jo bo nang le maikarabelo jo bo netefatsang tswelelopele ya tikologo le jo bo tshwaelang mo pakong ya ditiro le botshelo bo bo botoka.
Tshwaraganyo ya bokgoni, maitemogelo le kitso ya tikologo ya Maaforika Borwa otlhe.
Tsweletso ya phitlhelelo e e lekanang ya dipoelo tse di bonweng mo metsweding ya rona ya tlhago le setso.
Matlafatso ya setšhaba sa Aforika Borwa, ditšhaba le mekgatlho ka go nna le seabe mo, thutong ya tikologo, kagong ya bokgoni, patlisisong le mo ditirelong tsa tshedimosetso.
Go dira mmogo le bannileseabe ba ba maleba le makala a mmuso mo moweng wa puso e e siameng.
Go netefatsa gore go nna le seabe ga boditšhabatšhaba le ditlamego di a diragatswa go ya ka bokao ba dipholesi tsa tikologo tsa Aforika Borwa.
Banka ya Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (DBSA) ke setheo se segolo sa matlole sa tlhabololo ya mafaratlhatlha mo Borwa jwa Aforika. DBSA e batla go bona kgaolo e e matlafaditsweng le e e tshwaraganeng ya Borwa jwa Aforika e e senang khumanego, e e nang le tekatekano le go sa ikaegeng. Tebang le se, DBSA e batla go nna moemedi yo a eteletsengpele wa diphetogo tsa tlhabololo ya loago le ikonomi le tshwaragano ya ikonomi mo kgaolong ya Borwa jwa Aforika le modirisani wa maano a tlhabololo mo kgaolong e kgolo ya Aforika e e mo borwa jwa Sahara.
Mokgatlho wa Feetereišene ya Kamogelo ya Aforika Borwa (FEDHASA) ke mokgatlho o o sa direng dipoelo mme mo dingwageng tse di fetileng di le 53 o ntse o emela madirelo a kamogelo a mo gae, a porofense le maemo a mmuso wa bosetšhaba. Mo sebakeng seno FEDHASA e na le moitseanape wa mogokaganyi wa molao yo ka metlha a batlisisang melao e mentshwa le e e tshikintsweng le go gakolola ditokololo ka ditlamorago tsa yona. Ditokololo tsa FEDHASA ke mafelo a bonno le direseturente.
Kgwebo e e Itekanetseng ya Bojanala mo Aforika Borwa (FTTSA) ke porojeke e e ikemetseng ya IUCN (Mokgatlho wa Tshomarelo wa Lefatshe) e e batlang go kgonagatsa tokafalo ya gore dikgwebo tse di sitetsweng tsa bojanala di fitlhelele mmaraka. Dikgwebo tse di tshwanelang di tla kgona go dirisa letshwao la kgwebo la FTTSA jaaka thulusi ya papatso. Ka jalo FTTSA e tla kgona go amogela le go tlhotlheletsa mekgwa e e siameng ya go lekana ya bojanala le go gokaganya bagwebi ba ba simololang le ba ba nnye le mebaraka ya badirisi ba ba tlwaetseng kgwebo e e lekanetseng le makala a thuso, (sekao: bagwebi ba maeto).
Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Bonno wa Aforika Borwa ke mokgatlho wa bosetšhaba o o kopanyang mekgatlho yotlhe ya bonno ya legae le porofense le go tlhokomela dikgwebo tse di nnye.
Botokololo jwa NAA-SA bo netefaletsa ba ba batlang manno mo dikgwebong tse di nnye gore ba solofele boleng, tirelo e e tshwanetseng le go duelela se se tshwanetseng le go siamisetswa fa e le gore tseno ga di diriwe.
Mokgatlho wa Madirelo a Dikonferense wa Borwa jwa Aforika (SAACI) o tlhomilwe ka 1987. Mokgatlho o lebisitswe mo go tshegetseng le mo go tokafatseng maemo a bokgoni le boporofešenale mo bodirelong jwa konferense mo Borwa jwa Aforika.
Setheo sa Bojanala sa Aforika Borwa (SATI) se ikemiseditse go tlhabolola mabaka a a farologaneng a katiso le tlhabololo mo madirelong a Maeto & Bojanala le Kamogelo. Ano a a gokagana le go tshegetsana.
SATI e emanokeng baithuti ka go ba rebolela didirisiwa tsa go ithuta ka go netefatsa gore dithuto tsa bona tsa bodirelo di maleba, ka go emanokeng barutisi ba ba rutang dithuto tse le go itsise baithuti ka ditshono tsa ditiro mo bodirelong. SATI e rebolela baithuti dibasari go ithutela go ya pele mo thutong e kgolwane. Setheo sa motswedi sa SATI se rebolela baithuti ba sekolo tshedimosetso, barutisi, baithuti, ditheo tsa thuto mmogo le bodirelo. Mo sebakeng seno SATI e mo lefelong le le lengwe le THETA.
Bojanala jwa Aforika Borwa (SATI) ke mokgatlho wa boditšhabatšhaba wa kgwebo wa go bapatsa Aforika Borwa jaaka lefelo le le etelwang ke mojanala.
Bojanala jwa Aforika Borwa bo nna le seabe mo dipontshong tsa maeto, bo tshwara dikopano tsa thutano tsa ditokololo tsa kgwebo ya bojanala, bo tlhagisa dimateriale tse di farologaneng tsa kitsiso le go simolola le go gokaganya matsholo a papatso go baka maemo a a amogelesegang a papatso e e tshwanetseng ya dikumo tse di farologaneng le tse di gaisang tsa bojanala.
Mokgatlho wa Ditirelo tsa Bojanala wa Borwa jwa Aforika (SATSA) ke tokololo e e sa direng dipoelo e e emelang bannileseabe ba bagolo le ditheo go akaretswa ditirelo tsa diphofo, badirisi ba dikhoutshu, badirisi ba maeto, mafelo a bonno, ditlamo tse di hirisang dijanaga, dikgogedi, barulaganyi ba dikonferense le mekgatlho ya papatso e e amanang. SATSA e ikemiseditse go tlhoma maemo mo bodirelong jwa bojanala gore ba ba welang mo go SATSA ba supe boikanyego, itshetlego le tshiamo le go fedisa matshwenyego a ba ba batlang go dira kgwebo le mekgatlho e e amogetsweng go nna le loko ya SATSA.
Khansele ya Kgwebo ya Bojanala ya Aforika Borwa (TBCSA) ke mokgatlo o o okametseng le go emela lekala la kgwebo la bojanala le le nang le seabe mo bojanaleng.
TBCSA e tlhamilwe ke makala a kgwebo a a eteletseng pele mo mererong ya bojanala ka ngwaga wa 1996 mo kgweding ya Tlhakole. Maikaelelo magolo a yona ke go dirisana le bannileseabe botlhe mo go tlhabololeng togomaano ka bophara e e tla tlhamang le go letla gore go nne le tlhabololo ya loago ya bojanala. TBCSA ga e emele mekgatlho ya kgwebo ka gope. Mekgatlho ya Kgwebo e e emetseng ditlhopha tsa dikgatlhegelo tsa yona le ditiro ke ditokololo tsa TBCSA.
Khansele ya Aforika Borwa ya go Kereita ya Bojanala e tlhomilwe ke Tona ya Merero ya Tikologo le Bojanala ka ngwaga wa 2000 mo kgweding ya Lwetse gammogo le ditokololo tsa madirelo a bojanala. Maikemisetso a Khansele ya go Kereita ke go tlhama tsamaiso ya maemo a naledi ka kakaretso a a tla bakang gore go nne le tokafalo le tshegetso ya maemo ao le ditirelo tsa boleng jo bo kwa godimo mo dikarolong tsotlhe tsa bojanala. Sekema sa Bosetšhaba sa Kabo ya Naledi se naya baeng tshepo ya gore ba tla amogela dikumo tsa boleng jo bo kwa godimo go tswa mo setheong sa kereiti ya naledi.
Bothati jwa Bojanala, Kamogelo, Thuto ya Metshameko le Katiso (THETA) ke Lekala la Bothati jwa Thuto le Katiso SETA le le tlhamilweng mo Molaong wa Tlhabololo ya Bokgoni [Nomore 97 wa 1998] le Lekala la Bojanala, Kamogelo le Ikonomi ya Motshameko.
Setheo sa Timeshare sa Aforika Borwa (TISA) ke mokgatlho wa kgwebo o o theilweng kwa Kapa o o emetseng tlhabololo ya diintaseteri tsa di-timeshare gammogo le mafelo a bojanala a Borwa jwa Aforika. Ke maikaelelo a TISA go tsweletsa le go tlhotlheletsa kgolo ya diintaseteri tseno mo Borwa jwa Aforika le go neelana ka thuso go batho botlhe le ditokololo tsa setšhaba ka go neelana ka thuto, go tsereganya, go nna le tirisano le batho, go buisana, tshedimosetso ya melawana le go tsenngwa tirisong ga Dikhoutu tsa Boitsholo. Di-SMME di ka batla thuso go tswa kwa diporofenseng tsa tsona ka go dirisa Lefapha la Merero ya Ekonomi le Bojanala kgotsa bathati ba tsa bojanala ba porofense.
Go thusa ka maeto le kamogelo ya basupetsi ba selegae, bosetšhaba le ba boditšhabatšhaba.
Dikgwebo di gokagana le ditirelo tse dingwe tsa tshegetso le ditheo tse di leng teng go kgabaganya porofense.
Ke batla go simolola kgwebo ya mohuta ofe?
Tlhalosa mohuta wa kgwebo e o e simololang, sekao: mogwebi wa maeto, ntlo ya baeng, jalo le jalo.
Badirelwa ba me e tla nna bo mang?
O tla direla mang - bajanala ba selegae / boditšhabatšhaba, bagwebi?
Kgwebo ya me e tla nna kae?
Soweto, Kayamandi mme o bolele gore ke eng o re lefelo leo le siame. A o na le bagaisani mo kgaolong ya gago Ditshenyegelo tsa rente kgotsa tsa theko ya thoto ke bokae?
O tla rebola kumo kgotsa tirelo efe?
A o tla rebola bonno le dijo kgotsa dipalangwa kgotsa ya mosupatsela.
Go tla tlhokega didirisiwa, dipalangwa dife kgotsa thoto e kgwebo ya me e tla e batlang?
O tla tlhoka eng go dirisa Microbus, malao, dialwa, dikhomputara, difounu, jalo le jalo. Di tla ja bokae?
Ke tla reka kae thoto ya me?
Johannesburg - Ke kwa Soweto mme eno e tla nna toropo e e gaufi go bona ditlhokwa tsa me tsa thoto ka tlhotlhwa e e siameng, jalo le jalo. Thoto eo e tla ja bokae?
Bolao (bonno) R100.00 R50.00 R50.
Difitlholo R50.00 R35.00 R15.
Karata e e fa godimo e tla go letla go bonelapele gore o tshwanetse wa rekisa go le kanakang go bona tuelo ya ditshenyegelo le go dira poelo.
Bana ba ga Thandi ba tlogile kwa ga bone kwa Thembisa, mme seo se dira gore Thandi a salelwe ke diphaposiborobalo di le pedi. Thandi o akanya gore go bula Marobalo le Difitlholo e tla nna kakanyo e e siameng kantlha ya fa a na le sebaka se a ka se rebolang. O diretse hotele kwa Sandton mo dingwageng tse dintsi jaaka motlhokomedi wa ntlo mme o na le maitemogelo. Tokololo ya gagwe ya SWOT ke e.
O dirile mo hoteleng kwa Sandton ga a ise a nne le kgwebo ya gagwe ya botlhokomedi jwa ntlo.
O apaya sentle. Ga a ise a dire tsamaiso.
O gokagana le batho sentle. Ga a na kitso ya khomputara mme o kgona go bua Seesimane sentle thata.
Ntlo ya gagwe e mo tseleng e kgolo ya bese mo tikologong. Ga go na kgogedi e kgolo ya bojanala.
O solofetse tuelo ya gagwe ya pensene. O tlhoka matlole a go tokafatsa diphaposi tsa borobalo mme e ka dirisiwa jaaka karolo ya tšhelete.
Bothati jwa Bojanala bo bapatsa pabalasego ya metsesetoropo e nngwe. Mafelo a a nnang a kolobile a gogela dinonyane mme a ka tshwanela. Kgaisano go tswa mo metsesetoropong e mengwe e e nang le pogelo ya dinonyane e e setseng e tsweletse.
E gaufi le boemafofane. Mafelo a borobalo le difitlholo a setse a le mantsi kwa Thembisa. Morwarre o dira jaaka mokgweetsi wa tekisi. Melawana ya tikologo e thata.
Tsweetswee gakologelwa gore thuso ya SMEDP ga e teng go bona tšhelete ya go simolola kgotsa ya kadimo; o tshwanetse wa bona kadimo kgotla matlole pele o ka dira kopo ya thuso ya SMEDP. O tla tshwanela go dira kopo ya gago fa o santse o tshwaragane le go tlhoma kgwebo ya gago.
Ka ntlha ya fa metshameko ya kgwele ya dinao ya 2010 e tla mo Aforika Borwa, Rre Cooper o bone lefatshe le a ka agang ntlo ya baeng ya diphaposi di le 10 mo go yona. O utlwile fa gautshwane ka SMEDP ya Lefapha la Kgwebo le Madirelo gore e naya ketleletso ya tšhelete e e rileng ya dikgwebo tse dintshwa le dikatoloso.
Gakologelwa! SMEDP ga se tšhelete ya go simolola; ka ntlha ya moo Rre. Cooper o tshwanetse a bona kadimo kgotsa tšhelete go tswa go Umsobomvu, Setheo sa Tlhabololo sa Eskom kgotsa NEF, IDC kgotsa koporasi nngwe le nngwe ya tlhabololo jaaka Koporasi ya Tlhabololo ya Kapa Botlhaba (ECDC) kgotsa banka. Fa o le mo kgatong ya go itlhoma kopo e ka nne ya lebisiwa go SMEDP.
E tla tlhatlhoba go bona gore a tota Rre.
Fa motlhatlhobi a kgotsofetse kopo e tla fetisiwa mme Rre. Cooper o tla khwalifaya go bona ketleletso ya dingwaga di le tharo e e ikaegileng ka phesente e e rileng ya peeletso yotlhe ya dithoto tse di khwalifayang.
ELA TLHOKO! Ketleletso e tlhomamisiwa ke boleng jwa dithoto tse di khwalifayang jaaka dimatshini le didirisiwa, dikago, rente, dijanaga tsa kgwebo, tse di ka nneng tsa lisiwa.
Go khwalifaya go bona ketleletso e mo porojekeng e ntshwa o tshwanetse wa nna mo maemong a go itlhoma, o dira mo dikgweding di le thataro kgotsa kwa tlase. Fa o ntse o dira mo dikgweding tse di fetang thataro o tla khwalifaela thuso ya katoloso fela.
Rre. Cooper o kgonne go bona kadimo go tswa Bankeng ya ABSA mme o ne a kgona go simolola go tlhoma ntlo ya gagwe ya baeng ya diphaposi di le lesome. Morago ga dingwaga tse pedi o lemoga gore e nnye thata go amogela setlhopha se le sengwe sa kgwele. Ka ntlha ya moo o swetsa gore e tla nna kakanyo e ntle go atolosa. SMEDP e mo thusa jang?
Go tla diriwa tlhatlhobo mme fa a katoloso a ka nna le bokgoni jwa kgolo ya bobotlana ba 25% mme kopo e tla fetisiwa fa motlhatlhobi a kgotsofaletse tsotlhe.
Ba ba ntseng ba dira mo dikgweding tse di ka fa tlase ga thataro le tse di fetang thataro ba ka nne ba dira kopo ya ketleletso ya katoloso.
Rre. Cooper a ka rata go reka fanitshara ya diphaposi tsa gagwe tsa tlaleletso di le thataro mme o gakolotswe gore a golagane le SMEDP go kopa thuso go reka didiriswa. Ba tla mo thusa jang?
Sedirisiwa sengwe le sengwe se e leng karolo ya dithoto tse di khwalifayang go sa akaretswe dikhapete, dijana, ditshwantsho tsa mo mabotaneng / dipoterete le dijanaga tsa manobonobo.
Kopo ya ketleletso ya SMEDP e ikaegile ka ponelopele mme ka ntlha ya moo, o ka se dire kopo ya kadimo kwa ntle ga gore o bo o bone kadimo kgotsa thuso ya go simolola le go bo o setse o simolotse, kgotsa o bo o ntse o dira mo dikgweding di le thataro kgotsa kwa tlase, mo mabakeng a kgwebo e ntshwa - 0 go fitlha go dikgwedi di le thataro.
Mo mabakeng a katoloso, o ka se katolose pele mme wa dira kopo morago. O tshwanetse wa dira kopo le go fetisiwa pele o ka atolosa.
Fa o santse o amogela ketleletso go tswa go SMEDP ga wa tshwanela go fokotsa modiri ope. Fa o fokotsa badiri tuelo e tla khutlisiwa.
Bagwebisani, websaete ya Ntsika, dibuka, dimakasine, ditheo tsa kgwebo tsa tirelo ya selegae, balosika, ditsala, bagwebi ba bangwe, patlisiso ya kgwebo, bagokaganyi ba bagwebisani, ditshono tsa selegae, ditheo tsa tirelo ya kgwebo.
Bogolo jwa Mmaraka, Biro ya Patlisiso ya Mmaraka, Tirelo ya Bogare ya Dipalopalo, AMPS, Diphasalatso tsa kgwebo, Bojanala jwa Aforika Borwa, DEAT, bagaisani ba gago, Dikaelo tsa kgwebo le madirelo. Dikaelo tsa Phaposi ya Kgwebo, Katiso ya THETA, TEP, Ntsika.
Tetla ya semolao le Bothati jwa Dilaesense jwa Selegae, Boto ya Bojalwa, ditlhokego tsa tsela, Boto ya Dipalangwa, RSC, jalo le jalo.
Maina le bodirelo jwa papatso le Difetereišene tsa Kgwebo le maano a Mekgatlho ya bagaisani, Biro ya Patlisiso ya Mmaraka, mekgatlho e mengwe ya papatso, boramatlotlo jwa togamaano ya matlole, Bagokaganyi ba Kgwebo, ABSA.
Tsamaiso le direkoto; bagokaganyi ba bagwebisani, tsamasio ya tsweletso ya kgwebo, diphasalatso tsa bagwebisani, ntsho ya dikumo (tlhagiso), NPI, bagokaganyi ba kgwebo ba setegeniki, CSIR, feetereisene / mekgatlho ya bodirelo.
Kgwebo e e rileng kgotsa Phaposikgwebo ya Madirelo, Tshedimosetso e e lebaneng le Lefapha la Kgwebo le Madirelo, Botokololo jwa feedereišene kgotsa mokgatlho.
Papatso le phasalatso, makwalodikgang, dimakasini, thomelo ya makwalo ka tlhamalalo, ditlamo tsa phasalatso ya kwa ntle, dipampitshana, baphatlhalatsi ba dipampitshana, phasalatso mo dijanageng, disinema, Yellow Pages, jalo le jalo.
Potso - A ke na le bokgoni jwa go nna mogwebi?
Pele o tsena mo kgwebong nngwe le nngwe o tshwanetse wa ipotsa gore a o na le bokgoni jwa go nna mogwebi?
Araba dipotso tse di latelang go bona gore a o na le bokgoni jo bo tlhokegang jwa go simolola kgwebo le go dira gore e tswelelepele ka katlego. Mo lebakeng lengwe le lengwe sekeletsa tlhaka e e fa thoko ga tlhopho ya gago, mme morago o lebe lenaneo la dintlha mme o le sekaseke kwa bokhutlong jwa dipotso. Dipotso di ikaegile ka kakanyo ya gore o mo tirong mme o akanya go simolola kgwebo ya gago! Fa o setse o le mo kgwebong ya gago, araba jaaka o ka re o ne o santse o le mo tirong ya gago ya bofelo.
A lelapa la gago le go emanokeng mo sengwe le sengweng se o se dirang?
A o na le ikgalo ya go dira ditiro tse di sa itumediseng thata etswe o ka bo o ne o dira se sengwe?
A o dira ka mokgwa le ka tsela ya thulaganyo?
A o a tlhakatlhakana fa o sa kgone go reka dilo tse o di batlang?
A o ka bona sengwe le sengwe se o se batlang mo tikologong ya gago ya jaanong ya tiro mo metsotsong e e ka fa tlase ga e le meraro?
A o itumetse mo tirong e o leng mo go yona?
A o fitlhelela se se gaisang fa o na le mongwe yo a go laolang kgotsa a go kaelang?
Mo maemong a gago a tiro, o tsenya fela tlhogo mme o tswelelepele ka tiro kgotsa o dira ditshikinyo tse di nang le bokao mo makaleng a a farologaneng?
Dikgoreletsi tse di jaaka ofisi e e modumo, maemo a a pitlaganeng a go dira le boagisani jo bo bokowa di ama jang se o se fitlhelelang mo letsatsing?
A O duelwa sentle?
B O duelwa tšhelete e e mo magareng?
C O duelwa kwa tlase?
O batla go nna le kgwebo ya gago?
A Ee, Ee, Ee!
A o tsamaisa merero ya gago ya tšhelete sentle?
D Ka dinako dingwe ke a leka mme ke fitlhela go le boima go tshelela mo tekanyetsong.
A o na le phitlhelelo mo mererong e e sa amaneng le tiro (sekao: dingangisano ka metshameko, ditiro tsa setšhaba)?
O tsaya jang diphoso tsa gago tsa kwa tirong (le fa e le gore ga o amege thata mo go tsona)?
A o motho wa batho?
C Ke kgona go dirisana le batho ba le mmalwa?
A o rulaganya botshelo jwa gago (ba tiro le ba sebele)?
A tšhelete e o tla e dirang ke lona lebaka legolo la go akanya kgwebo ya gago?
O kgona go fetoga jang mo botshelong jwa gago jwa tiro, go raya gore, fa dilo di nna thata a wa di itlwaetsa le go fetsa tiro ya gago?
C Ke kgona go fetoga go le go nnye go ya ka mabaka?
A o ikutlwa gore o ka rulaganya isagwe ya gago?
A o rata ditekelelo tse di kotsi kgotsa go iteka lesego ka thulaganyo?
A o kgona go emelelana le mathata?
Fa ditiro tse di siameng di ka bo di le dintsi a o ne o tla nne o batla kgwebo ya gago?
Jaanong leba dintlha tse di latelang mme o sekeletse tlhaka e o e tshwaileng mo dipotsong. Morago o tlhakanye dintlha go bona gore a o siame go tsamaisa kgwebo ya gago.
Godimo ga 72: O siametse tiro ya go nna le kgwebo ya gago mme o ka tswa o setse o le mo kgwebong ya gago (kgotsa o tshwere ka natla go e rulaganya). Le fa go le jalo, o se tlogele tiro ya dipatlisiso mo matlhagetlhageng a gago.
go fitlha 71: Tlhopho ya gago ya go ithapa e go siametse ka jalo tswelelapele. Thoto ya gago e kgolo ke gore matlhagatlhaga a gago a isega.
go fitlha 61: O mo magareng. O na le dingwe tse di tlhokegang go tsamaisa kgwebo mme o tshwarwa ke sengwe. O ka gakololwa gore o akanye sentle thata pele o tsena mo kgwebong ka bo wena. Le fa go le jalo, fa o ka swetsa go dira jalo o na le bokgoni jo bo tlhokegang. A o busetswa morago fela ke ditiro?
go fitlha 51: Akanya thata pele o tlogela pabalasego ya tiro. Fa o sa kgotsofale mo maemong a, o leng mo go ona akanya go fetola tiro kwa o ka nnang le tlhotlheletso e kgolo ya go dira. Leka go batla tiro ya nakwana e e duelang mme o simolole se sengwe kwa thoko. Go sa nneng jalo, beeletsa mo kgwebong ya mongwe mme o e batlisise pele (le beng ba yona).
Ka fa tlase ga 42: O ka tswa o ntse le mathata a magolo mo maitekong a gago a pele mme o santse o na le matsadi kgotsa botshelo jwa kgwebo ga se jwa gago. Motlhomongwe o ka kopa mothapi wa gago gore a go neye motlhatlosa.
Nka tlhopha kgwebo e e ntseng jang?
Go na le ditlhopho tse di farologaneng tsa kgwebo ya gago e e mo molaong, ka mantswe a mangwe, re raya ka moo kgwebo ya gago e tla bonwang ka gona go ya ka molao. Nngwe le nngwe ya tseno e na le mesola le mathata, e seng fela ka beng mme le ka moo di kgethisiwang ka gona.
Seno se itsege gape ka mogwebanosi kgotsa mongnosi. Se se raya gore tsotlhe ke tsa gago mo kgwebong mme molao ga o bone pharologano epe magareng ga wena ka sebele le kgwebo. Kgwebo e ka nna le leina lesele kwa ntle ga la gago, sekao: James Peterson a ka gweba jaaka Mountain Tours. Ga go tlhokege gore o kwadise kgwebo e mme Moamogelalokgetho o tla go bona o le selo se le sengwe le kgwebo ya gago. Se se a itumedisa go nne ga go ditsamaiso tsa kwadiso mme ga go dituelo tsa tlaleletso. Le fa go le jalo go raya gore o tla rwala maikarabelo a dikoloto tsotlhe tsa kgwebo mme o ka se tsenye babeeletsi le bagwebisani mo kgwebo. Fa o tlhokofala kgotsa o tlogela kgwebo e emisa go dira.
Kgwebisano e tshwana fela le mogwebi a le nosi, kwa ntle fela ga gore go na le batho ba feta a le mongwe mo kgwebong. Kgwebisano ga e kgethesiwe jaaka selo se le nosi, mme mong mongwe le mongwe o kgethisiwa ka boene mo lotsenong le le bakilweng ke dišere tsa gagwe tsa kgwebo jaaka karolo ya dirithene tsa lokgetho lwa gagwe la sebele. Go botlhokwa go dira tumallano ya semolao ya kgwebisano go thibela diphapang dingwe le dingwe tse di ka tlang morago magareng ga bagwebisani mme kwa ntle ga moo ga go na tsamaiso ya kwadiso kgotsa dituelo tsa tlaleletso. Gape le fa go le jalo, ga go reye gore le tla arogana ka go lekana maikarabelo a molato mongwe le mongwe o o dirilweng ke kgwebo.
Close Corporation kgotsa CC jaaka e bidiwa gantsi e na le sebopego se se bonolo se se diretsweng mokgwebipotlana. Pharologano e e botlhokwa thata magareng ga yona le mehuta ya ntlha e mebedi ke gore CC ke Yuniti ya molao mo maemong a yona - se se raya gore CC e ka suiwa mme e seng beng ka sebele sa bona. Ka tsela e ga o mo kotsing (fa go tshwantshanngwa le mogwebi a le nosi) ka sebele fa dilo di sa tsamae sentle mo kgwebong. Close Corporation e tshwanetse ya kwadisiwa mme mo mabakeng a mantsi CC e a kgethisiwa fela jaaka setlamo. Diforomo tsa kwadiso (CK1 le CK7) di teng mo mabenkeleng a mantsi a dikwalelo mme bontsi jwa ditlamo tsa babalamatlotlo le tsa bokwaledi di rebola tiro ya go kwadisa CC mo boemong jwa gago.
Ditlamo tsa poraefete di tlhomilwe go ya ka molao wa Ditlamo mme kantlha ya moo di na le ditlhokego tse dintsi tsa tsamaiso le dikgato tse di gagametseng tsa palotlotlo. Setlamo se na le modiri wa molao, yo a nang le ditiro tsa gagwe le ditshwanelo tse di farologaneng gotlhelele le tsa ditokololo tsa sone. Se se raya gore batsholadišere ga ba rwale ka sebele dikoloto tsa setlamo. Tshedimosetso e e tletseng e ka bonwa kwa Ofising ya Kwadiso ya Ditlamo le Borutegi jwa Thoto (CIPRO).
Ntle ga moo dirisa mogakoldi wa gago wa kgwebo go go thusa.
<fn>tsn_Article_National Language Services_MANYUALE WA MAIKARABELO (2003).txt</fn>
Mo lebakeng la Lefapha la Bosetšhaba la Kago ya Matlo, ke Mokaedikakaretso.
Motlhankedi wa Tshedimosetso wa Lefapha la Bosetšhaba la Kago ya Matlo a ka abela dithata tse a rweleng boikarabelo jwa tsona kgotsa tse di abetsweng Motlhankedi yoo wa Tshedimosetso ke Molao o, Motlatsamotlhankedi wa Tshedimosetso wa mo Lefapheng le.
ga go thibele motho yo o abileng dithata tseo gore a diragatse dithata tsa go nna jalo kgotsa go dira tiro e e amegang ka sebele; le go ka phimolwa le go gogelwa morago kgotsa ga mametlelelwa nako nngwe le nngwe ka go kwadiwa ke motho yo o di abileng.
Mokaedikakaretso wa Kago ya Matlo o tshwanetse go supa palo ya batho go nna Batlatsabatlhankedi ba Tshedimosetso ka fa go tlhokagalang ka teng go thusa gore Lefapha la Bosetšhaba la Kago ya Matlo le fitlhelelwe bonolo ka fa go kgonagalang ka teng fa go kopiwa rekoto tsa Lefapha.
Motlhankedi wa Tshedimosetso wa Lefapha la Bosetšhaba la Kago ya Matlo o na le dithata tsa mokgwa le taolo mo godimo ga motlatsamotlhankedi mongwe le mongwe wa lefapha le.
Mokopi yo o batlang go fitlhelela direkoto tse di tshotseng tshedimosetso ya motho ka sebele ka ga Mokopi.
tlhaloganyo kgotsa dikakanyo tsa motho yo mongwe ka ga tshikhinyo ya ketleetso, sekgele kgotsa moputso o o tshwanetseng go abelwa motho yo mongwe, fela tse di sa akaretseng leina la motho yo mongwe mo di tlhagelelang ka tlhaloganyo kgotsa dikakanyo tsa motho yo mongwe yoo o sele; le leina la motho mo le tlhagelelang le tshedimosetso ya motho ka sebele e le e e mabapi le motho yoo, kgotsa mo go itsisiweng ga leina ka nosi go tla senolang tshedimosetso ka ga motho yoo, legale tse di sa akaretseng tshedimosetso ka ga motho yo o setseng a sule mo dinwagageng tse di fetang di le 20.
Motho mongwe le mongwe yo o kopang go fitlhelela rekoto ya Lefapha la Bosetšhaba la Kago ya Matlo; kgotsa fela mekgatlho ya bosetšhaba e e diragatsang dithata tsa bosetšhaba kgotsa e e dirang ditiro tsa bosetšhaba go ya ka mabaka a molao.
fela legale go ya ka mabaka a dikarolo tsa bo 34 tsa Molao o, tlhaloso ya 'motho' mo ditemaneng tsa (a) le ya (b) di tshwanetse go tlhalosiwa e le 'motho ka sebele'.
Go tsamaelana le Lefapha la Bosetšhaba la Kago ya Matlo, Bothati jo bo Tshwanetseng bo tlhalosa Tona e e rweleng boikarabelo jwa Lefapha la Bosetšhaba la Kago ya Matlo kgotsa motho yo o abetsweng dithata ke Tona ka go kwala.
E tlhalosa Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa jaaka e tlhalositswe mo karolong ya bo 181 (b) ya Molaotheo.
e e tshotsweng kgotsa e e mo tlase ga taolo ya mokgatlho oo wa bosetšhaba; le go sa kgathalesege gore a e tlhamilwe ke mokgatlho oo wa bosetšhaba kgotsa nnyaya.
Go Ranolwa ga Molao, Molao wa Nomoro ya bo 33 wa 1957.
Molao wa go Rotloetsa Phitlhelelo ya Tshedimosetso (PAIA), wa Molao wa Nomoro ya bo 2 wa 2000 (o fa tlase o bidiwang gore ke Molao) o o simolotseng go dira go tloga ka la 9 Mopitlo mo ngwageng wa 2001, mme o tlhalosa botlhokwa jwa go itlhelela tshedimosetso mo maemong a a bulegileng, a demokerasi le setšhaba se se direlang dilo mo pepeneneng. Molao o aba dithata tsa karolo ya bo 32 ya Ditshwanelo tsa Botho tsa mo Molaotheong mme o tshwanetse go ranolwa e le molao o o abang dithata tsa ditshwanelo tsa molaotheo.
a tshedimosetso nngwe le nngwe e e tshotsweng ke puso; le b tshedimosetso nngwe le nngwe e e tshotsweng ke motho mongwe le e e tlhokagalang gore go diragadiwe ditshwanelo dingwe le dingwe.
Go tshwanetse ga tlhamiwa Molao wa Bosetšhaba go diragatsa ditshwanelo tse, e bile di ka dira ditlamelo tse di utlwalang tsa mekgwa ya go ngotlafatsa mokgweleo wa tsamaiso le merero ya ditšhelete mo pusong.
o tlhaloganye ditiro le mokgwa wa go dira wa mekgatlho ya bosetšhaba; le o tlhatlhobisise ka botlalo le go nna le seabe mo go tseyeng ditshweetso tsa mekgatlho ya bosetšhaba tse di amang ditshwanelo tsa bona.
Direkoto tsotlhe tsa Kabinete le dikomiti tsa yona, ditiro tsa semolao tsa kgotlatshekelo, kgotla e e kgethegileng, kgotsa motlhankedi wa semolao kgotsa tokololo ya Palamente kgotsa ya Kgotlatheomolao ya Diporofense.
Ke boikarabelo jwa Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa go tlhama bukana ya dikgakololo, ka sebopego le mokgwa o o tla tlhaloganngwang bonolo, jaaka di ka tlhokiwa ke motho yo o eletsang go diragatsa ditshwanelo dingwe le dingwe tse di tlhalosiwang mo Molaong o.
Bukana e ya dikgakololo e tla gatisiwa le go nna teng ka dipuo tsotlhe tsa semmuso e bile e ka bonwa go tswa kwa Khomišeneng ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa e seng morago ga kgwedi ya Phatwe wa 2003.
Maikaelelo a bukana e ke go sedimosetsa motho ka ga mekgwa ya go fitlhelela direkoto tse di tshotsweng ke Lefapha la Bosetšhaba la Kago ya Matlo, go etswe tlhoko Karolo ya bo 14 ya Molao o.
Merero yotlhe ya PAIA e tla rarabololwa ke tikwatikwe ya PAIA.
Go tokafatsa tirelo e e bokgoni le go nna lefapha le le fetotsweng la moono wa go aba ditirelo.
Go nna le ponelopele le maikaelelo a maano a ka dinako tsotlhe a tla tsamaelanang le ditlhokego tsa merero ya sepolotiki le maemo a a siametseng go aba matlo.
Go nna bothati jo bo tswang kwa pele mo Kagong ya matlo le go nna le tshedimosetso ya go abela setšhaba matlo mo lefatsheng la rona le go golola tshedimosetso ka bonako, ka mokgwa o o amogelesegang wa go fitlhelela tshedimosetso eo ka dinako tsotlhe.
Seabe sa botlhokwa sa puso ya bosetšhaba ke go "tlhoma le go rotloetsa mokgwa o o tswelediwang wa go tlhabolola go aba matlo" morago ga ditherisano le Balekgotla (di-MEC) ba le robong ba Kago ya Matlo, le mokgatlho wa bosetšhaba o o emetseng makgotla a bommasepala wa (South African Local Government Association - SALGA).
Gore le kgone go rotloetsa le go tlhoma mokgwa wa tlhabololo ya kago ya matlo wa bosetšhaba o o tswelediwang, puso ya bosetšhaba, e dira ka Tona ya Kago ya Matlo, e tshwanetse go tsaya dikgato tsa botlhokwa di le mmalwa.
Ditlhaeletsano: E rotloetsa ditlhaeletsano tse di bokgoni le tse di edileng mabapi le tlhabololo ya Kago ya matlo
Go tsaya dikgato tse di lolameng le tsa botlhokwa go tlhoma maemo a a tshwanetseng a go kgontsha botlhe ba ba nang le dikgatlhegelo le batho fela ka sebele go fitlhelela maikaelelo a bona mabapi le tlhabololo ya kago ya matlo.
Dintlha ka botlalo ka ga ditiro tsa kwa bokaeding di ka bonwa go tswa kwa Lefapheng la Bosetšhaba la Kago ya Matlo mo mafaratlhatlheng a websaete ya: http://www.housing.gov.
Tirelo ya botlhokwa e Lefapha le e abang ke go tlhoma le go tshegetsa pholesi le thulaganyo ya semolao e e tlhokagalang go rotloetsa mokgwa o o tswelelang wa bosetšhaba wa go tlhabolola kago ya matlo. Maikaelelo a, a konoseditswe ka go tlhoma Molao wa Kago ya Matlo, wa 1997 (Molao wa Nomoro ya bo 107 wa 1997), go rotloetsa thulaganyo e e totobetseng ya Mananeo a Bosetšhaba a Kago ya Matlo a a laelang le go thusa mananeo a Mmuso a go aba matlo. Lefapha gape le rotloetsa le go rebola ditekanyetso tsa ngwaga le ngwaga tsa go aba matlo go dipuso tsa diporofense di le robong gore di kgone go dira tiro ya tsona ya go rebola matlole a Mananeo a Bosetšhaba a Kago ya Matlo mmogo le Mananeo a Diporofense a Kago ya Matlo a a tsamaelanang le Pholesi ya Bosetšhaba ya Kago ya Matlo.
Bokgoni jwa go tlhabolola kago ya matlo bo ikaegile mo thulaganyong le maano a botsamaisi jwa dipuso tsa diporofense le makgotla a bommasepala. Dithata tsa go tsaya ditshweetso tse di mabapi le Mananeo a Bosetšhaba a Kago ya Matlo di mo magetleng a ditokololo tsa Dikhansele tsa Bakhuduthamaga ba ba rweleng boikarabelo jwa kago ya matlo kwa dipusong tsa diporofense di le robong.
Makgotla a Bommasepala le ona a ka dira dikopo kwa Balekgotleng gore ba di rebolele dithata tsa go tsamaisa Mananeo a Bosetšhaba a Kago ya Matlo mme, fa a atlegile, a tla rwala boikarabelo jwa dithata tsa go tsaya ditshweetso tse di mabapi le Mananeo a Bosetšhaba a Kago ya Matlo.
NHBRC e rwele boikarabelo jwa go sireletsa dikgatlhego tsa badirisi ba ba abelwang matlo ka go ba rebolela tshireletso ya netefaletso kgatlhanong le bokowa jwa matlo a mantšhwa. Go ya pele e laola madirelo a baagi ba dikago ka go rotloetsa gore ba kwadisiwe mo go NHBRC le go laola tsamaiso ya moono le maemo a boleng jwa sethekeniki fa go agiwa dikago ka maikaelelo a go tokafatsa maemo a boleng go sireletsa dikgatlhegelo tsa badirisi. Matlo le dikago tsotlhe tse di agiwang di tshwanetse go kwadisiwa kwa go NHBRC, mme khansele e tla aba ditirelo tse di kgethegileng go madirelo ao le go badirisi.
NURCHA e rwele boikarabelo jwa go rebola matlole a a thusang go netefaletsa boradikonteraka, beng ba matlo, le go thusa ditlhopha tsa batho ba letseno le le kwa tlase go fitlhelela melato ya go ikagela/go ithekela matlo, le bokgoni jwa go tlhoma polokelo ya matlole a baagi ba kwa dikgaolong tsa magae go tlhabolola mafelo a bona. Setheo se se rwele gape boikarabelo jwa sekema sa bosetšhaba sa polokelo se se thusang ditlhopha tsa batho ba letseno le le kwa tlase go ipolokela ka maikaelelo a gore kwa bofelong ba amogele matlole a ketleetso ya Kago ya matlo.
Setheo se ke se se rebolang ditšhelete ka maikaelelo a go aba melato ya matlo ka mokgwa o o tswelelang mo ditlhopheng tsa letseno le le kwa tlase. Ka maikaelelo a, NHFC e ikaeletswe go abela borakgwebopotlana ba kago ya matlo ditšhelete go rotloetsa go fitlhelela matlo ka kakaretso, go tlhoma bokgoni jo bo lekaneng le jo bo tswelelang mo mekgatlhong e a abelang ditšhelete, le go tlhama semphato go simolola ka mokgwa wa go aba ditirelo tsa matlole.
Setheo se itshetlegile mo go abeng melato ya ditšhelete ka go adima ditheo tsa matlo tse di tlhomilweng, ditlhopha tse di sa kgoneng go adima kwa dibankeng le go rebolela dibanka matlole a go thusa ditlhopha tse di humanegileng mme di tlhoka matlo. Se ikaeletse gape le go aba ditšhelete tse di lekaneng ka ditlamelo tsa bokgoni jwa ditheo tsa go abela setšhaba matlo le ditlhopha tse di sa kgoneng go adima kwa dibankeng. Maikaelelo ke go tlhabolola bokgoni ka go thusa ditheo tse di fatlhogang le tse dintšhwa go di kgontsha go nna le seabe mo mebarakeng.
SHF e itshetlegile mo go emeng nokeng ditheo tse di thusang mo mmarakeng wa go abela setšhaba matlo. Se se kgonagala ka go aba katiso, dikgakololo le kemonokeng ya sethekeniki mo ditheong tse di fatlhogang le tse di tlhomilweng tsa go abela setšhaba matlo. Se thusa gape le Tona mo go tlhabololeng pholesi e e tshwanetseng le maano mabapi le go abela setšhaba matlo. SHF e thusa gape go rotloetsa bokgoni jwa go fitlhelela ketleetso ya matlole a go thusa mo letsholong la go abela setšhaba matlo.
Setheo se se tlhomilwe e le karolo ya letsholo le le tshwaraganetsweng magareng ga dibanka le Mmuso go tlhokomela dikadimo tse di sa atlegeng le thoto e e tshotsweng ke dibanka tsa dikadimo tse di phoso, le maemo a a sa lolamang a mebaraka ya melato ya kago ya matlo e e saleng e nna teng mo Aforika Borwa go tloga mo ngwageng wa 1994. SERVCON e thusa ditlhopha tsa dikadimo tse di lemogilweng di le phoso go di lebisa sešwa mo dikadimong tse di leng teng, kgotsa mo go leng ditshono tsa matlo a mangwe a sele tse di ka kgonwang. Go tsamaelana le se, go tlhomilwe setheo se sengwe sa kago ya matlo se se bidiwang Thubelisha Homes se se ikaeletsweng go tlhoma dikago tsa mefuta ya bogolo jo bo tshwanetseng jwa matlo.
Go fitlhelela ditirelo tsa Lefapha la Bosetšhaba la Kago ya Matlo, dikopo di lebisiwe go Mokaedikakaretso wa Lefapha le.
Pholesi ya Bosetšhaba ya Kago ya Matlo le maano le go di amogela di dirwa ka mokgwa o o rulagantsweng ka botlalo. Mabapi le se, go gapeletsega gore go tshwarwe ditherisano go ya ka mabaka a Molao wa Kago ya Matlo, wa 1997. Tona ke yona e rweleng boikarabelo jwa go tlhabolola pholesi le maano a kago ya bosetšhaba ya matlo. Se se dirwa ka ditherisano tse di rotloediwang ke thulaganyo ya Kago ya Matlo ya Bakhuduthamaga ya MINMEC. MINMEC ya Kago ya Matlo e tlhamilwe ke Tona ya Bosetšhaba ya Kago ya Matlo, ditokololo di le robong tsa Khansele ya Bakhuduthamaga tse di rweleng boikarabelo jwa kago ya matlo kwa dipusong tsa diporofense mmogo le Mokgatlho wa Makgotla a Bommasepala wa Aforika Borwa (SALGA).
Gangwe le gape Lefapha le tshwara ditherisano tsa kakaretso ka ga merero ya pholesi le maano mme letsholo le ka gale le dirwa ka ditherisano le dikopano ka ga kago ya matlo.
Maikaelelo a botlhokwa e nna gore motho mongwe le mongwe mo lefatsheng la rona o tshwanetse go fitlhelela mekgwa ya go tsaya ditshweetso ka tsela ya demokerasi ya sepolotiki sa mo Rephaboliking. Kwa ntle ga mabaka a a umakilweng, lefapha le ikaeletse go tshwara ditherisano ka bophara go ya ka fa go kgonagalang ka teng mabapi le pholesi le maano a kago ya matlo mo isagweng.
Direkoto tse di kwadilweng fa, di ka bonwa ka gangwe fela kwa ntle ga gore motho a kope go di fitlhelela go ya ka mabaka a Molao o. Direkoto tse ga di ise di gatisiwe mo Kuranteng ya Mmuso jaaka go laetswe ke Molao.
go tlhatlhobiwa go ya ka mabaka a semolao go na le ka Molao o, di teng go rekiwa di teng fa motho a batla go dira dikhophi tsa tsona. Go tuelo e e tshwanetseng go duelelwa dikhophi. Leba temana ya bo 6.
Go fitlhelela direkoto tse di kwadilweng fa, go ka dirwa ka dikopo go ya ka mabaka a Molao o. Direkoto tse di ka kopiwa go Batlatsabatlhankedi ba Tshedimosetso ba Lefapha la Bosetšhaba la Kago ya Matlo go tsamaelana le mekgwa ya go dira dikopo e e tlhalositsweng mo temaneng e e fa tlase.
Mabapi le Molao o, puo ya Seisemane ke yona e tla dirisediwa dipuisano tsa semmuso.
Mokopi o tshwanetse go tsamaelana le dikgato tsotlhe tse di laelwang ke Molao o, (tse di khutsafaditsweng fa tlase fa), le gore; dikopo tsotlhe, tse di tsamaelanang le ditlhokego jaaka di tlhalositswe fa tlase, di tla sekasekwa le go diragadiwa.
Go ganela motho go fitlhelela direkoto go ka dirwa fela ka mabaka a a umakilweng mo Molaong. (Leba temana ya bo 6.3).
Fa motho a kopa go fitlhelela tshedimosetso o tshwanetse go tlatsa fomo ya kopo ya Lefapha la Bosetšhaba la Kago ya Matlo, a duele tuelelo ya kopo eo, mme a e romele go Motlatsamotlhankedi wa Tshedimosetso.
Ka go itseela fomo mo botsenong jwa Lefapha la Bosetšhaba la Kago ya Matlo kgotsa mo Tikwatikweng ya PAIA.
Fomo ya go dira kopo e ka tladiwa ka seatla kgotsa ka mokgwa wa se-eleketeroniki fa e ntshitswe mo mafaratlhatlheng a websaete.
Mokopi yo o sa kgoneng go buisa/go kwala kgotsa yo o nang le sekgoreletsi sengwe sa mo mmeleng, a ka dira kopo ka puo ya molomo. Kopo e e dirilweng ka puo ya molomo e tla tladiwa mo fomong e e laetsweng mme Mokopi o tla fiwa khophi ya yona.
Fomo e tshwanetse go saeniwa ke Mokopi.
Mokopi o tshwanetse go saena ditsebe tsotlhe tsa dikwalwa tsa tlaleletso tse di tsamaelanang le fomo ya go dira kopo.
Bathapiwa ba Tikwatikwe ya PAIA le bona ba ka kopiwa go thusa ka go dira kopo.
Go fokotsa mokgweleo wa tiro ya tsamaiso, go tshikhinngwa gore go duelwe Tuelo ya kopo ya R35.00, kwa ntle ga fa e le kopo ya Mokopi ka Sebele, mme e mamarediwe kgotsa e akarediwe mo kopong. Lefapha la Bosetšhaba la Kago ya Matlo le dumela go amogela dituelo tsa mokgwa madi a a seatleng a khetše, diodara tsa Poso, ditempe tsa letseno, karata ya go reka ka molato le ka ditsheke tse di sa fetisiweng, ditsheke le diodara tsa Poso di kwalwe gore di duela LEFAPHA LA KAGO YA MATLO, mme di direlwe tshiamelo ya go leta ya malatsi a le 10 gore tsheke e dumelelwe semolao. Leba temana ya bo 6.2.
Go tshikhinngwa gore Mokopi a nne a itsholetse khophi ya fomo ya kopo mo direkotong tsa gagwe.
ELA TLHOKO: Motlatsamotlhankedi wa Tshedimosetso ga a tshwanela go gana kopo ya go fitlhelela fa fomo e e laetsweng e sa tladiwa ka botlalo kgotsa e sa tladiwa gotlhelele, kwa ntle ga fa Mokopi a itsisitswe ka (PAIA-REQ-01), ka ga maikaelelo a go gana kopo eo le mabaka a go e gana, le fa a ithaopa go thusa Mokopi ka maikaelelo a go dira kopo eo ka mokgwa o o tla tlosang mabaka a gore e ganwe.
o na le malatsi a le 30 (fa go tlhokagalang) go tsaya tshweetso. Go ka tlalelediwa gape ka malatsi a mangwe gape a le 30, mo godimo ga paka ya nako ya kwa tshimologong, a go tsaya tshweetso.
o a ka itsise ka ga dituelo tse di tshwanetseng go duelwa (fa go tlhokagalang). Rekoto (direkoto) e/di tla rebolwa fela fa Motlatsamotlhankedi wa Tshedimosetso a amogetse dituelelo tsa kopo; (PAIA-REQ-03).
ELA TLHOKO: Fa Motlatsamotlhankedi wa Tshedimosetso a sa fetole mo pakeng ya nako ya malatsi a le 60 (go akarediwa le paka ya nako e e okeditsweng), kopo eo e tshwanetse go tsewa gore e gannwe mme Mokopi a ka ikuela k a Boikuelo jwa mo teng ga Lefapha. [Karolo ya bo 27].
gore rekoto (direkoto) ga di bonwe (PAIA-REQ-06); le gore go di fitlhelela go buseditswe morago, ke gore; mo rekoto (direkoto) di tshwanetseng go gatisiwa mo pakeng ya nako ya malatsi a le 90 (Setlhogo le Nomoro ya Lokwalo). (PAIA-REQ-07).
Tuelo ya go dira kopo, e e leng e e tlwaelegileng e e dirwang gangwe fela. Tuelo e ke R35,00. Tuelo e, e tshwanetse go dirwa pele kopo e ka sekasekwa mme e bile Motlatsamotlhankedi wa Tshedimosetso o tshwanetse go itsise Mokopi (ka Lokwalo) gore o tshwanetse go duela tuelo e.
ELA TLHOKO: Tuelo ya go dira kopo ga e duelwe fa e le kopo ya motho ka sebele.
Tuelo ya go fitlhelela e akaretsa go e gatisa gape, go e batla, go e rulaganya le go e romela ka Poso fa go tlhokega jalo.
ELA TLHOKO: Fa go batla, le go rulaganya tshedimosetso go tsaya paka ya nako e e fetang diura di le thataro, Mokopi o tshwanetse go duelwa dipositi ya bongwe-borarong jwa madi a go e fitlhelela, kwa ntle ga fa e le kopo ya motho ka sebele. Motlatsamotlhankedi wa Tshedimosetso o tla itsise Mokopi ka go kwala ka ga dipositi ya madi a a tshwanetseng go a duela. Fa kopo ya go fitlhelela tshedimosetso e gannwe, Motlatsamotlhankedi wa Tshedimosetso o tshwanetse go busetsa / go duela Mokopi dipositi eo. Karolo ya bo 222b.
Tuelo e e tshwanetseng go duelwa e sobokantswe go tsamaelana le Karolo ya bo 11 ya Kitsiso ya Mmuso (R.187) e e phasaladitsweng mo Kuranteng ya Mmuso ka la di 15 tsa Ferikgong wa 2002.
Dituelo tse di tshwanetseng go duelwa ke Mokopi le mongwe, kwa ntle ga kopo ya motho ka sebele, e e umakilweng mo molawaneng wa bo 7.
Dituelo tsa go gatisa gape Karolo ya bo 153 e diragadiwa fa go gatisiwa direkoto gape, e le tse di bewang mo pepeneneng ka boithaopo kgotsa tse di rebolwang ka gangwe fela.
Dituelo tsa go Batla le go Rulaganngwa f.
a. diura di le thataro, gore e nne diura tse di fetang di le thataro pele go ka tlhokagala go duela dipositi; le b.
Diodara tsa Poso. Diodara tsa Poso di tshwanetse go duelwa LEFAPHA LA BOSETŠHABA LA KAGO YA MATLO.
Ditempe tsa Letseno.
Ditšheke tse di sa fetisiweng (go tshwanetse ga letlwa paka ya nako ya malatsi a le 10 gore tšheke e dumelelwe go duelwa). Ditšheke di duelwe LEFAPHA LA BOSETŠHABA LA KAGO YA MATLO.
Lefapha la Bosetšhaba la Kago ya Matlo le tla re, mo go duelwang ka madi a a seatleng a khetše, ka odara ya Poso le ka ditempe tsa letseno, la rebola resiti. Mo go duelwang ka ditšheke le tla ntsha pamphitshana e e amogelang gore go duetswe go fitlhela mo nakong e tšheke e tla duelwang, mo go tla rebolwang resiti.
Mokopi a ka dira Boikuelo jwa mo teng ga Lefapha, kgotsa a dira kopo ya go ikuela kwa kgotlatshekelo, fa a duela dituelelo Leba temana ya go 6.
Rekoto e e kopilweng e le rekoto ya Kabinete.
Rekoto e e kopilweng e le rekoto ya komiti ya Kabinete.
Rekoto e e kopilweng e le rekoto ya ditiro tsa bosiamisi tsa kwa kgotlatshekelo.
Rekoto e e kopilweng e le rekoto ya kgotla ya go sekisa e e kgethegileng.
Rekoto e e kopilweng e le rekoto ya motlhankedi wa bosiamisi.
Rekoto e e kopilweng e le rekoto ya tokololo ya Palamente kgotsa ya Kgotlatheomolao ya Porofense ka sebele.
Kopo e ka ganwa fa Mokopi a sa itumedisa ditlhokego tsotlhe tsa tsamaiso morago ga fa Motlatsamotlhankedi wa Tshedimosetso a se na go mo itsise ka ga maikaelelo a go e gana.
Molao o dira ditshiamelo tsa gore go fitlhelela rekoto go TSHWANETSE go GANWA kgotsa GO KA GANWA.
mo go fitlhelela rekoto (direkoto) GO SA TSHWANELANG GO GANWA; le mo go senolelang rekoto (direkoto) mo pepeneneng GO SA TSHWANELANG GO GAPELETSEGA e le mo dikgatlhegelong tsa setšhaba.
Mo mabakeng a bukana e, ke fela mo mabakeng a go fitlhelela direkoto GO TSHWANETSENG GO GANWA, go tla elwang tlhoko thata.
Mabaka a a gapeletsang a sephiri sa poraevete sa letlhakore le lengwe la boraro le e leng motho ka sebele, ke gore; fa e le gore go senola rekoto go tla ama ka mabaka a a sa tshwanelang go senola tshedimosetso ya letlhakore la boraro le e leng motho yo mongwe ka sebele, go akarediwa le motho yo o suleng Karolo a bo 341.
Mabaka a a gapeletsang a go sireletsa direkoto tse di rileng tsa Setheo sa go Kokoanya Lekgetho sa Aforika Borwa sa SARS, ke gore; Motlhankedi wa Tshedimosetso wa SARS o tshwanetse go gana kopo ya go fitlhelela direkoto tsa SARS fa di tshotse tshedimosetso e e kokoantsweng kgotsa e e tshotsweng ke SARS ka maikaelelo a go diragatsa ka go gapeletsa mabaka a molao wa go kokoanya lekgetho jaaka a tlhalositswe mo karolong ya bo 1 ya Molao wa Setheo sa go Kokoanya Lekgetho wa Aforika Borwa, wa 1997 Molao wa Nomoro ya bo 34 wa 1997 Karolo ya bo 351.
o tshedimosetso ya merero ya ditšhelete, ya kgwebisano, ya saense (bonetetshi) kgotsa ya sethekeniki go na le diphiri tsa kgwebisano tsa lethakore la boraro, eo fa e senotswe e ka lomeletsang dikgatlhegelo tsa kgwebisano kgotsa tsa ditšhelete tsa letlhakore leo la boraro; kgotsa o tshedimosetso e e abilweng ka boikanyego ke letlhakore la boraro eo fa e senotswe e ka lemoletsang maemo a merero ya dikonteraka kgotsa ditherisano tsa letlhakore leo, kgotsa e e ka lomeletsang letlhakore leo la boraro mo kgaisanong ya disela mmapa mo mererong ya tsa kgwebo.
Mabaka a a gapeletsang a go sireletsa tshedimosetso nngwe ya sephiri ya letlhakore la boraro, ke gore; Motlatsamotlhankedi wa Tshedimosetso o tshwanetse go gana kopo ya go fitlhelela direkoto tseo fa go di senola go tla tlholang gore go tsewe dikgato tsa go se obamele boikarabelo jwa boikanyego mo letlhakoreng leo la boraro go ya ka mabaka a ditumallano Karolo ya bo 371a.
Mabaka a a gapeletsang a go sireletsa pabalesego ya motho, le go sireletsa thoto, ke gore; Motlatsamotlhankedi wa Tshedimosetso o tshwanetse go gana go fitlhelela direkoto fa go di senola go ya ka mabaka a a utlwalang go ka solofelwang gore go ka baya botshelo jwa motho mo kotsing kgotsa go gobadiwa ga motho Karolo a bo 38a.
Mabaka a a gapeletsang a go sireletsa dikwalwa tsa melato tsa sepodisi mo tsamaisong ya go kopa beili, le go sireletsa go diragadiwa ga molao le tsamaiso ya semolao, ke gore; Motlatsamotlhankedi wa Tshedimostso o tshwanetse go gana go fitlhelelwa direkoto fa e le gore go di fitlhelela go kganetswe go ya ka mabaka a karolo ya bo 6014 ya Molao wa Tsamaiso ya Bosenyi, wa 1977 Molao wa Nomoro ya bo 51 wa 1977 Karolo ya bo 391a.
Mabaka a a gapeletsang a go sireletsa direkoto tse di reboletsweng itshiamelo tse di kgethegileng gore di se ke tsa gatisiwa mo tsamaisong ya semolao, ke gore; Motlatsamotlhankedi wa Tshedimosetso o tshwanetse go gana go fitlhelela direkoto tsa ditshiamelo tse di kgethegileng gore di se ke tsa gatisiwa mo tsamaisong ya semolao kwa ntle ga fa motho yo o reboletsweng ditshiamelo tse di kgethegileng a fetotse ditshiamelo tseo [Karolo ya bo 40].
Boikuelo jwa mo teng ga Setheo, [Karolo ya bo 74 - 77] kgotsa go dira kopo ya kwa kgotlatshekelo [Karolo ya bo 78 - 82].
ELA TLHOKO: Dikopo tsa kwa/tse di dirwang le kgotlatshekelo di ka dirwa ke Mokopi fela fa, Mokopi yoo ka sebele kgotsa letlhakore la boraro le setse le lekile le go tsaya matsapa a Dikopo tsa mo teng ga Setheo.
Boikuelo jwa mo teng ga Setheo' bo tlhalosa Boikuelo jwa mo teng ga Setheo go 'Bothati jo bo Tshwanetseng' go ya ka mabaka a a karolo ya bo 74 ya Molao o. Mo mabakeng a Lefapha la Bosetšhaba la Kago ya Matlo, Bothati jo bo Tshwanetseng ke Tona ya Lefapha la Kago ya Matlo kgotsa motho yo o abetsweng dithata ka go kwala ke Tona ya Lefapha la Kago ya Matlo.
Tsamaiso ya Boikuelo jwa mo teng ga setheo bo ka diragadiwa ka mekgwa e e tlhomilweng mo ditheong tsa bosetšhaba go itlhaganedisa Boikuelo jwa go nna jalo jwa mo teng ga Setheo.
Mokopi, Mokopi wa motho ka sebele, kgotsa Mokopi wa letlhakore la boraro a ka dira Boikuelo jwa mo teng ga Setheo fa a sa itumelela tshweetso e e tserweng ke Motlhankedi wa Tshedimosetso kgotsa Motlatsamotlhankedi wa Tshedimosetso ka ga kopo ya go fitlhelela direkoto.
dipositi ya go fitlhelela direkoto [Karolo ya bo 22]; kgotsa o mokgwa wa go fitlhelela o o rebotsweng Karolo ya bo 252c.
o go rebola kopo ya go fitlhelela. Karolo a bo 493b.
ELA TLHOKO: Mo lebakeng le, go fitlhelela direkoto go ka rebolwa fela fa tshweetso ya go rebola kopo eo e setse e netefaditswe ka botlalo Karolo ya bo 299.
Go dira Boikuelo jwa mo teng ga Setheo, Mokopi, Mokopi wa motho ka sebele kgotsa letlhakore la boraro le ka e dira mo pakeng ya nako e e rileng morago ga fa le se na go itsisiwe/begelwa ka ga tshweetso e e tserweng ke Motlatsamotlhankedi wa Tshedimosetso.
Mokopi (ke gore; Mokopi wa motho ka sebele, Mokopi, Mokopi yo o dirang kopo mo boemong jwa motho yo mongwe), mo pakeng ya nako ya malatsi a le 60 morago ga fa Mokopi a se a go begelwa ka ga tshweetso.
Letlhakore la boraro/matlhakore a boraro, mo pakeng ya nako ya malatsi a le 30 morago ga fa letlhakore la boraro le se na go begelwa gore kopo e rebotswe.
ELA TLHOKO: Go dira Boikuelo jwa mo teng ga Setheo morago ga nako go ka letlelelwa fela fa go le lebaka le le utlwalang la gore ke eng bo dirwa morago ga nako. Fa bo gannwe, motho yo o dirang boikuelo o tla amogela kitsiso ka ga tshweetso eo Karolo ya bo 752ab.
Mo nakong ya ga jaana ga go duelwe sepe fa go dirwa Boikuelo jwa mo teng ga Setheo.
Mekgwa ya go dira Boikuelo jwa mo teng ga Setheo [Karolo ya bo 74-77].
Go dira Boikuelo jwa mo teng ga Setheo, Mokopi kgotsa letlhakore la boraro le tlhoka go tlatsa fomo e e laetsweng ya "Kitsiso ya Boikuelo jwa mo teng ga Setheo" ya Lefapha la Bosetšhaba la Kago ya Matlo.
Ka go gatisiwa go tswa mo mafaratlhatlheng a websaete ya Lefapha la Bosetšhaba la Kago ya Matlo ya http://www.housing.gov.
Ka go tla go itseela fomo mo botsenong jwa Lefapha la Bosetšhaba la Kago ya Matlo kgotsa mo tikwatikweng ya PAIA.
Fomo ya Boikuelo jwa mo teng ga Setheo e ka tladiwa ka seatla kgotsa ka mokgwa wa se-eleketeroniki fa e gatisitswe go tswa mo mafaratlhatlheng a websaete.
Fomo e tshwanetse go saeniwa ke Mokopi.
Ditsebe tsotlhe tsa tlaleletso tse di akareditsweng mo fomong ya Boikuelo jwa mo teng ga Setheo di tshwanetse go saeniwa ke Mokopi.
go e isa ka sebele kwa tikwatikweng ya PAIA; kgotsa go e romela ka Fekese.
Go tshikhinngwa gore Mokopi a itshwarele khophi ya gagwe ya Boikuelo jwa mo teng ga Setheo mo direkotong tsa gagwe.
Motlatsamotlhankedi wa Tshedimosetso o tshwanetse go isa Boikuelo jwa mo teng ga Setheo kwa Bothating jo bo Maleba mo malatsing a tiro a le 10.
Bothati jo bo Maleba bo tshwanetse go itsise letlhakore/matlhakore a boraro a a amegang ka bonako jo bo kgonagalang, fela tota mo pakeng ya nako ya malatsi a le 30, ka mokgwa o o bonako nako ka fa go kgonagalang ka teng, morago ga go amogel a Boikuelo jwa mo teng ga Setheo jo bo dirilweng ke Mokopi fa go ganwa kopo ya go fitlhelela ditekoto (PAIA-APP-02).
Bothati jo bo Maleba bo tshwanetse go itsise Mokopi yo o amegang ka bonako jo bo kgonagalang, fela tota mo pakeng ya malatasi a le 30, ka mokgwa o o bonako nako ka fa go kgonagalang ka teng, morago ga go amogela kopo ya Boikuelo jwa mo teng ga Setheo jo bo dirilweng ke letlhakore/matlhakore a boraro fa go ganwa kopo ya go fitlhelela (PAIA-APP-03).
ELA TLHOKO: Letlhakore la boraro kgotsa Mokopi a ka, mo pakeng ya nako ya malatsi a 21 morago ga go itsisiswe, a dira boikuelo jo bo kwadilweng go Bothati jo bo Maleba jwa gore ke ka mabaka afe gore kopo e se ka ya rebolwa kgotsa e rebolwe. Karolo ya bo 7651.
mo pakeng ya nako ya malatsi a le 5 morago ga fa Mokopi a dirile boikuelo jo bo kwadilweng jwa Boikuelo jwa mo teng ga Setheo jwa letlhakore/matlhakore a boraro.
Fa go amogetswe kitso ka ga Boikuelo jwa mo teng ga Setheo ka mokgwa o mongwe go na le ka Bothati jo bo Tshwanetseng, go tshwanetse ga itsisiwe ka puo ya molomo kgotsa ka go kwalwa kwa Bothating jo bo Maleba gore ke ka mabaka afe kopo ya go fitlhelela direkoto e tshwanetseng go ganwa.
o netefatsa tshweetso ya go gana go fitlhelela, kgotsa o tsaya tshweetso e ntshwa mo boemong jwa yona.
ELA TLHOKO: Fa Bothati jo bo Tshwanetseng bo retelelwa ke go ntsha kitsiso ka ga tshweetso ya boikuelo mo pakeng ya nako ya malatsi a le 30, go tshwanetse ga tsewa gore Boikuelo jwa mo teng ga Setheo bo kgapetswe kwa thoko, le gore Mokopi a ka dira kopo ya kwa kgotlatshekelo. Karolo ya bo 77 7.
Kgotlatshekelo ya Magiseterata e e eteletsweng pele ke magiseterata yo o reboletsweng dithata ke Tona ya Bosiamisi ka go kwala.
Boto ya Melawana ya Dikgotlatshekelo tsa Semolao e tshwanetse go tlhama le go diragatsa melawana ya tsamaiso ya dikgotlatshekelo mme melawana e, e tshwanetse go dumelelwa ke Palamente pele e phasaladiwa mo Kuranteng ya Mmuso.
Go fitlhela fa melawana ya tsamaiso e tlhamilwe, go e diragatsa go tshwanetse ga diragadiwa ka Kgotlatshekelokgolo kgotsa kgotlatshekelo e nngwe ya maemo a a tshwanang.
Tsamaiso ya go e diragatsa go ya ka mabaka a karolo a bo 78 ya Molao o, ke tsamaiso ya bosetšhaba, mme melawana ya bopaki jwa tsamaiso ya merero ya bosetšhaba e ka diragadiwa mo Molaong o.
Mokopi, Mokopi wa motho ka sebele kgotsa letlhakore la boraro le ka dira kopo fela kwa kgotlatshekelo fa mekgwa ya mefuta yotlhe ya tsamaiso ya Boikuelo jwa mo teng ga Setheo e dirisitswe ka botlalo.
Mokopi, Mokopi wa motho ka sebele kgotsa letlhakore la boraro, le ka, mo pakeng ya nako ya malatsi a le 30, ka go dira kopo, la dira kopo kwa kgotlatshekelo go imologa mokgweleo.
mo go tserweng tshweetso ya go duelela kopo ya go fitlhelela direkoto, tuelo ya go fitlhelela, kgotsa dipositi ya tuelelo ya go fitlhelela; kgotsa mo go tserweng tshwetso mabapi le go rebola go fitlhelela direkoto ka mokgwa o mongwe go na le o go kopilweng ka ona.
mo go tserweng tshweetso ya go duelela kopo ya go fitlhelela direkoto, tuelo ya go fitlhelela, kgotsa dipositi ya tuelelo ya go fitlhelela; kgotsa mo go tserweng tshweetso mabapi le go rebola go fitlhelela direkoto ka mokgwa o mongwe go na le o go kopilweng ka ona.
go tsamaelana le ditshenyegelo.
Go ya ka mabaka a karolo ya bo 6 (d) ya Molao wa Mosireletsi wa Dikgatlhegelo tsa Setšhaba, jaaka o mametleletswe, Mosireletsi wa Dikgatlhegelo tsa Setšhaba o na le bokgoni jo bo tletseng jwa go batlisisa ka sebele kgotsa fa a amogetse ngongorego kgotsa fa a amogela kopo e e mabapi le mokgwa kgotsa tsamaiso ya PAIA, ka maiteko a dikakanyo tsa gagwe ka sebele, go rarabolola kgotlang nngwe le nngwe ka go tsereganya, go mpampetsa kgotsa ka ditherisano, le go gakolola mongongoregi mongwe le mongwe ka ga mekgwa ya go rarabolola kgotsa ka mokgwa mongwe le mongwe fela o o tshwanetseng.
Bukana e ya Lefapha la Bosetšhaba la Kago ya Matlo e tla ntšhwafadiwa gangwe ka ngwaga mo kgweding ya Mopitlwe, kwa ntle ga fa go le diphetogo tse dikgolo.
Go ya ka mabaka a Molawana wa Nomoro ya bo R.
Dipuo tse dingwe di le pedi tse go santseng go tla sweediwa ka ga tsona.
Go ya ka mabaka a Molawana wa bo R.
Khophi ya bukana e ka Puo ya semmuso ya Seesimane e ka bonwa kwa Lefapheng la Bosetšhaba la Kago ya Matlo (Tikwatikwe ya PAIA) go sekasekwa ke setšhaba ka nako ya diura tsa tiro. Ga go tuelo epe e e tla kopiwang fa setšhaba se sekaseka bukana e, fela legale fa motho a ipatlela khophi ya yona, o tshwanetse go duela dituelelo tse di laetsweng mo temaneng ya dituelo.
Gangwe fela fa Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa e se na go dumelela bukana e ya PAIA ya Lefapha la Bosetšhaba la Kago ya Matlo, e tla isiwa gore e gatisiwe mo Kuranteng ya Semmuso. Temana e e tla ntšhwafadiwa mo Kuranteng ya Semmuso e e umakiwang.
Tona ya Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo ga ya amogela mabaka afe a go beela thoko ditlamelo dipe tsa karolo ya bo 14, mo pakeng ya nako e e rileng.
Bukana ya Metswedi: Molao wa go Rotloetsa Phitlhelelo ya Tshedimosetso, wa Nomoro ya bo 2 wa 2000. E rulagantswe ke Tikwatikwe ya Dikgakololo tsa mo Pepeneneng ka ga Demokerasi (ODAC) le Setheo sa Dipatlisiso sa Lekala la Tsamaiso ya Semolao la Khomishene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa.
Molao wa go Rotloetsa Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa Wessels, JH wa Nomoro ya bo 2, wa 2000. Tshwane: Kholetšhe ya Merero ya tsa Semolao, Ferikgong 2002.
Ditebogo tse di kgethegileng di romelwa go Moatebokate JH Wessels go tswa kwa Lefapheng la Bosiamisi le Moh Wlodarski go tswa kwa Khomišeneng ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa ka kemonokeng ya bona le seabe sa mo go rulaganyeng Manyuale o.
LEFAPHA LA BOSETŠHABA LA KAGO YA MATLO SETHEO SA BOSETŠHABA FOMO YA GO KOPA PHITLHELELO YA DIREKOTO Karolo ya bo 181 ya Molao wa go Rotloetsa Phitlhelelo ya Tshedimosetso, wa 2000 Molao wa Nomoro ya bo 2 wa 2000. Fomo e e tsamaelana le fomo e e phasaladitsweng mo Mametlelelong ya B, Fomo ya A, ya Melawana ya Nomoro ya bo R.187 Molawana wa bo 6 o o phasaladitsweng mo Kuranteng ya Mmuso ka la di 15 Ferikgong wa 2002. Dikopo tsa phitlhelelo direkoto tsa setheo sa bosetšhaba.
a Wena, Mokopi, o tshwanetse go lepalepana le ditlhokego tsotlhe. O tla itsisiwe fa o sa lepalepana le ditlhokego.
B. Dintlha tsa motho yo o kopang go fitlhelela direkoto a Dintlha tsa motho yo o kopang go fitlhelela direkoto di tshwanetse go kwadiwa fa tlase.
b Nomoro ya aterese le/kgotsa Fekese tsa mo Rephaboliking tse tshedimosetso e tshwanetseng go romelwa kwa go tsona, di tshwanetse go supiwa.
c Bosupi jwa maemo a motho a dirang kopo ka ona, fa go tlhokagalang, di tshwanetse go mamarediwa.
Maina ka Botlalo:...
Nomoro ya Lokwalo la Boitshupo (la ID)...
ELA TLHOKO: Tsweetswee mamaretsa khophi ya Bukana ya Lokwalo la gago la Boitshupo (la ID) go thibela go senola tshedimosetso ya gago ka sebele ya sephiri go motho mongwe o sele.
Aterese ya Poso:...
Khoutu ya Poso:...
Nomoro ya Fekese: [ ] ... Nomoro ya Mogala (Kwa tirong): [ ... ]...
Nomoro ya Mogala (Kwa gae) [ ] ... Nomoro ya Mogala wa Selula: [ ... ]...
b Bosupi jwa maemo a kopo e dirwang ka ona, sekai; ka mokgwa wa maikano kgotsa Dithata tse di rebotsweng ke Mmueledi, di tshwanetse go akarediwa.
Motsadi, Moemedi, Mmueledi, Ngaka, Ngwana, Moswelwa, Moswagadi, Mogatse, A mangwe (Tlhalosa):...
Maina ka Botlalo:...
Nomoro ya Boitshupo (ya ID):...
Tsweetswee akaretsa bosupi jwa maemo a kopo e dirwang ka ona.
D. Dintlha tsa rekoto a Ntsha dintlha ka botlalo tsa rekoto e go kopiwang go e fitlhelela, go akarediwa le nomoro ya go e batlisisa fa o e itse, le/kgotsa Lefapha/Bokaedi/Motho yo o e tshotseng, gore rekoto e fitlhelelwe bonolo.
b Fa tsebe e, e sa lekana, tsweetswee tswelela mo tsebeng e sele e ntshwa mme o e mamaretse mo fomong e. Mokopi o tshwanetse go saena ditsebe tsotlhe tsa tlaleletso.
c Tlhalosa ka botlalo ka fa o kgonang ka teng.
Nomoro e go ka batlisisiwang ka yona, fa e le teng:...
A o amogetse tumelelo go tswa mo letlhakoreng lengwe le lengwe la boraro/matlhakore.
a Supa mokgwa o o tla duelang ka ona, sekai; ka tsheke, ka odara ya poso, le tse dingwe.
b Kopo ya go fitlhelela direkoto, kwa ntle ga rekoto e e tshotseng dintlha tsa motho ka sebele, e tla batlisisiwa fela fa go duetswe tuelelo ya kopo.
c Kopo ya go fitlhelela direkoto e tla batlisisiwa fela fa tuelo ya go batlisisisa rekoto fa go tlhokegang e amogetswe.
d Fa go se sepe se se duetsweng, o tla itsisiwe ka ga madi a a tlhokegang gore a duelelwe kopo.
e Dituelelo tsa go fitlhelela rekoto e tla itshetlega mo mokgweng o o tlhokagalang wa go e fitlhelela le nako e e tshwanetseng go batlisisa le go baakanya rekoto eo.
f Fa o dumeletswe gore o se ke wa duelela tuelelo nngwe le nngwe ya go fitlhelela rekoto, tsweetswee tlhalosa lebaka le le go letlang gore o se ke wa duela.
Lebaka la gore o se ke wa duela dituelelo tsa go fitlhelela direkoto:...
F. Mokgwa wa go fitlhelela direkoto a Mokgwa wa go tsamaelana le kopo ya gago ya go fitlhelela direkoto o o kgethegileng o tla ikaega mo mokgweng o rekoto e tla fitlhelelwang ka ona.
b Go fitlhelela direkoto ka mokgwa o o kopilweng go ka ganwa mo mabakeng a a rileng. Mo mabakeng a a tshwanang le a, o tla itsisiwe fa go fitlhelela direkoto go tla dirwa ka mokgwa o mongwe o sele.
c Dituelelo tsa go fitlhelela direkoto, fa di leteng, bontlhanngwe jwa tsona bo tla ikaega mo mokgweng o go fitlhelela direkoto go kopiwang ka ona.
e Tuelo ya go batla le go baakanya rekoto ke R15,00 mo ureng nngwe le nngwe kgotsa bontlhanngwe jwa ura, kwa ntle ga ura ya ntlha ya go e batla.
ELA TLHOKO: Dikhophi tsa mokgwa wa se-eleketeroniki di ka abiwa fela ka mokgwa o o tshotsweng ke Lefapha la Bosetšhaba la Kago ya Matlo.
O kopa rekoto gore e nne ka puo efe ..?
Fa o sa kgone go buisa, go bona kgotsa go reetsa rekoto ka mekgwa e e tlhalositsweng mo ditemaneng tsa bo 1-4 fa godimo, ka ntlha ya bogole, tlhalosa maemo a bogole jwa gago le go supa gore o kopa gore rekoto e nne ka mokgwa ofe.
Mokgwa o mongwe fela o rekoto e kopiwang ka ona:...
O tla itsisiwe ka go kwala (ka poso) fa kopo ya gago e duletswe/e gannwe, kgotsa nnyaya. Fa o eletsa go itsisiwe ka mokgwa o mongwe fela, tsweetswee tlhalosa mokgwa oo mme o netefatse dintlha tsotlhe tse di tlhokegang go kgontsha lefapha go diragatsa kopo ya gago.
Tlhalosa mokgwa (o mongwe fela o e seng wa poso) o o eletsang go itsisiwe ka ona ka ga tshweetso mabapi le kopo ya gago ya go fitlhelela direkoto.
E saennwe kwa (Lefelo) mo ... letsatsing la ... 20...
ELA TLHOKO: Paka ya nako ya malatsi a le 30 ya go batlisisa kopo e ka atolosiwa ka paka e nngwe ya malatsi a a sa feteng a le 30. Ka go saena fa, o dumallana ka go ithaopa gore kopo ya gago ya go fitlhelela direkoto e ka atolosiwa ka paka ya malatsi a go tloga go a le 30 go fitlhela go a le 60.
KITSISO ya Boikuelo jwa mo teng GA SETHEO YA LEFAPHA LA BOSETŠHABA LA KAGO YA MATLO. Karolo ya bo 75 ya Molao wa go Rotloetsa go Fitlhelela Tshedimosetso, wa 2000 Molao wa Nomoro ya bo 2 wa 2000. Fomo e e tsamaelana le fomo e e phasaladitsweng mo Mametlelelong ya A, Fomo ya B, ya Molawana wa Nomoro ya bo R. 187 molawana wa bo 8 o o phasaladitsweng mo Kuranteng ya Mmuso ka la di 15 Ferikgong 2002: Kitsiso ya Boikuelo jwa mo teng ga Setheo ya direkoto tsa setheo sa bosetšhaba.
Mokopi ka Sebele yo o dirang Boikuelo jwa mo teng ga Setheo, ELA TLHOKO: Tsweetswee mamaretsa khophi ya bukana ya gago ya boitshupo ya ID, go thibela gore go se senolwe tshedimosetso ya motho ka sebele, ka phoso.
Letlhakore la Boraro (le le sa tsisisiweng ka Lefapha la Bosetšhaba la Kago ya Matlo) le le dirang Boikuelo jwa mo teng ga Setheo kgatlhanong le go rebolwa kopo ya go fitlhelela direkoto, sekai; Mokopi o amogetse tumelelo e e kwadilweng go tswa mo letlhakoreng la boraro/matlhakore a boraro a Dintlha tsa motho yo o dirang Boikuelo jwa mo teng ga Setheo di tshwanetse go kwalwa fa tlase.
b Go tshwanetse ga mamarediwa bosupi, fa go tlhokega jalo, jwa maemo a gore boikuelo bo tshwanetse go dirwa.
Maina ka Botlalo:...
Nomoro ya Boitshupo:  ELA TLHOKO: Tsweetswee mamaretsa khophi ya nomoro ya gago a bukana ya boitshupo ya ID, go thibela gore go se senolwe tshedimosetso ya motho ka sebele, ka phoso.
Motsadi, Motho yo o godisitseng ngwana, Mmueledi, Ngaka, Ngwana, Moswelwa, Moswagadi, Mogatse, Ba bangwe (Tlhalosa):...
Karolo e e tshwanetse go tladiwa FELA fa o le letlhakore la boraro (go na le Mokopi) le le dirang Boikuelo jwa mo teng ga Setheo.
Maina ka Botlalo:...
Nomoro ya Bukana ya Boitshupo ya ID:...
Fa lefelo la mo fomong e le sa lekane, tsweetswee tswelela mo tsebeng e nngwe mme o e mamaretse mo fomong e.
O tshwanetse go saena ditsebe tsotlhe tsa tlaleletso.
O tla itsisiwe ka go kwala (ka poso) ka ga tshweetso ya Boikuelo jwa gago jwa mo teng ga Setheo. Fa o eletsa go itsisiwe ka mokgwa o mongwe gape, tsweetswee tlhalosa mokgwa oo le dintlha tse di botlhokwa go kgontsha gore kopo ya gago e diragadiwe.
E saenilwe kwa mo ... letsatsing la ... 20...
<fn>tsn_Article_National Language Services_MEKGATLHO YA BADIRISI BA METSI.txt</fn>
Mokgatlho wa badirisi ba metsi ke setheo sa semolao se se tlhamilweng ke Tona go ya ka Molao wa Bosetšhaba wa metsi. Mokgatlho wa badirisi ba metsi ke mokgatlho wa seoposengwe sa badirisi ba ba farologaneng ba metsi ka ba ba eletsang go ungwa mosola go tswa mo ditirong tse di amanang le tiriso ya metsi. Mokgatlho wa badirisi ba metsi o busiwa ke Komiti ya botsamaisi.
Maikemisetso a Mokgatlho wa badirisi ba metsi ke eng?
Maikemisetso a Mokgatlho wa badirisi ba metsi ke go kgontsha batho mo morafeng go dirisa ditlamelo tsa bone (tšhelete, badiri, boitseanape) ka matsetseleko go diragatsa ditiro tse di amanng le metsi. Ka Mokgatlho wa badirisi ba metsi, ditokololo di ka ikungwela mosola ka go samagana le ditlhokego kgolo tsa bone tsa selegae.
Mekgatlho ya badirisi ba metsi e dira fela mo maemong a selegae. Mekgatlho ya Badirisi ba metsi e ka tlamela ka mekgwa e e ka kgontshang go tsenngwa tirisong ga leano la tsamaiso ya bodutiso mo legatong la selegae. Mekgatlho ya Badirisi ba metsi gape e tshwanetse go nna le seabe sa botlhokwa mo phedisong ya lehuma le netefaletso ya go nna teng ga dijo.
Mokgatlho wa Badirisi ba metsi ke setheo sa kgwebo seo se nang le ditshiamelo tsa motho wa tlholego yo o nang le bokgoni jo bo feleletseng, kwa ntle ga dithata tse di amanang le batho ba tlholego fela gongwe di sa tsamaelane le Molao wa Bosetšhaba wa Metsi. Seno se kaya gore Mokgatlho wa badirisi ba metsi o ka dira dilo tsotlhe tse motho ka nosi a ka di dirang jaaka go bula akhaonte ya banka, go tsena mo ditumelanong tsa dikonteraka tsa go tlamelo gongwe kadimo ya tšhelete. Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o ka otlhaya ka tefiso ya tšhelete gongwe o ka otlhaiwa jalo ke mongwe fela.
Botsamaisi le bodiragatsi jwa setheo bo laolwa ke Molao wa Bosetšhaba wa Metsi le molaotheo wa Mekgatlho ya Badirisi ba metsi.
Molao o dira tlamelo ya go tlhamiwa ga Mekgatlho ya Badirisi ba metsi ya tiriso ya mo mofuta mongwe le mongwe ya metsi jaaka go tlhalositswe mo molaong. Le gale go na le mefuta e le mebedi e e ikgethileng ya Mekgatlho ya Badirisi ba metsi e e ka tlhamiwang, e leng Mokgatlho wa Badirisi ba metsi wa lephata le Mokgatlho wa Badirisi ba metsi wa maphatamantsi.
Mokgatlho wa Badirisi ba metsi wa lephata o dira boemong jwa dikgatlhegelo tsa setlhopa sa badirisi ba ba tshwanang. Go naya sekai, setlhopa sa balemirui ba bosetlabošweng se ka tlhama Mokgatlho wa Badirisi ba metsi wa lephata, gongwe setlhopa se se nang le dikgatlhegelo mo go laoleng tiriso ya fa boitapoloso, jalo le jalo.
Mokgatlho wa Badirisi ba metsi wa maphatamantsi o dira boemong le mo dikgatlhegelong tsa setlhopa sa badirisi ba ba farologaneng ba metsi, go tshwana le ba tshomarelo, dikgwa, meepo le go nosetsa mmogo.
go tsewa le go dirisiwa ga metsi mo mabakeng a go nosetsa e le ga kgwebo kana tirisoselegae.
tiriso le go latlhiwa ga leswe go laola tiriso ya metsi mo mabakeng a boitapoloso le/gongwe tikologo.
Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o tlhamiwa jang?
Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o tlhamiwa ke Tona go ya ka mekgwa eo e beilweng mo Molaong wa Bosetšhaba wa Metsi.
Tona bongwe ba nna le seabe ba ka tshitshinya thulagany ya go tlhama Mokgatlho wa Badirisi ba metsi.
Tona e ka tshitshinya go tlhamiwa leng?
Mabaka ao e leng gore Tona e ka tshitshinya go tlhamiwa ga Mekgatlho ya Badirisi ba metsi ga a a tlhagisiwa mo Molaong. Le gale Tona e ka tshitshinya go tlhamiwa ga Mokgatlho wa Badirisi ba metsi fa e le gore seo se mo dikgatlhegong tsa baagi. Lebokoso le le ka fa tlase le supa dikao tseo e leng gore di ka nna ka fa dikgatlhegong tsa baagi.
Tona e ka eletsa go fetisetsa tiro, tlhokomelo le taolo ya sekema sa puso go baagi. Se se ka direga thata fa sekema se diretswe go ungwela baagi ba ba amegang le go tsamaisiwa ka matsetseleko ke Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o o maleba.
Tona e ka eletsa go tshegetsa maiteko a mafapha mangwe a puso go ya ka dithulaganyo tsa balemi ba bosetlabošweng gongwe tlhabololo ya dipporojeke tsa temo tse di tshegediwang.
Fa go nang le tsweletso ya ditlamelo tse di rileng e e sa gokaganang, Tona a ka swetsa go tlhama Mokgatlho wa Badirisi ba Metsi jaaka mokgwa wa go tlamela ka taolo e e botoka le go tila kgotlhang e e ka tlhagelelang.
Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o tlhamiwa morago ga ditherisano tsa go batla maikutlo a batho.
Fa Tona a tsweletse mo ditherisanong tsa go batla maikutlo, ditshenyegelo tsa ditherisano tse di ka busediwa fa Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o sena go tlhamiwa.
Mokgatlho wa Badirisi ba metsi wa mabaka a a rileng gantsi o ka tlhamiwa go latela tshitshinyo e e diretsweng Tona ke makoko a a nang le kgatlhego.
Tona a ka lopa gore motho kana makoko a a neelanang ka tshitshinyo a duelele ditshenyegelo tsa ditherisano tsa go batla maikutlo a batho kwa pele.
Lephata kgotsa setlhopha sa badirisi ba metsi se ka tlhagisa tshitshinyo kwa go Tona go tlhama Mokgatlho wa Badirisi ba metsi.
Mokaedikakaretso wa Lefapha la Merero ya Metsi le Jalo ya Dikgwa a ka thusa badirisi ba metsi go rulaganya tshitshinyo.
Tshitshinyo e tshwanetse go akaretsa eng?
mabaka a go dira tshitshinyo leina le le tshitshintsweng la mokgatlho lefelo le le tshitshintsweng le mokgatlho o tla dirang mo go lona ditiro tse di tshitshintsweng tsa mokgatlho fa go leng maleba gona, tlhaloso ya tirelo e e leng teng kgotsa e e tshitshingwang ya metsi kwa lefelong le go direlwang kwa go lona tlhaloso ya laesense ya tiriso ya metsi gongwe tetla eo ditokololo tse di tshitshingwang di nang nayo gongwe di ikaelelang go dira kopo ya yona molaotheo o o tshitshintsweng wa mokgatlho tlhaloso ya ka fa molaotheo o o tshitshintsweng o yang go farologanang ka teng le wa sekai (sekao sa molaotheo) se se fitlhelwang mo Molaong lenaane la ditokololo tse di tshitshinngwang gongwe dikarolo tsa ditokololo tsa mokgatlho tlhaloso ya ditherisano tsa patlo maikutlo tse di nnileng teng fa go rulaganngwa tshitshinyo gammogo le dipoelo tsa tsone.
Ke ditherisano dife tse di nnileng teng?
Leina la Mokgatlho wa Tshitshinyo ya go tlhama Tiriso ya metsi?
Badirisi ba metsi Mekgatlho ya Badirisi ba Dilaesense/ ditetla?
Mokgatlho wa Badirisi ba metsi?
Tona e tla atlenegisa go tlhamiwa ga Mokgatlho wa Badirisi ba metsi fa e le gore Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o tsweletsa maikaelelo jaaka a tlhagisitswe mo Maikemisetsong a Molao wa Bosetšhaba wa metsi.
tshireletso, tiriso, tlhabololo, tshomarelo, tsamaiso le taolo ya ditlamelo tsa metsi tsa setšhaba go fitlhelela ditlhokego tsa ntlha tsa batho tsa ga jaana le tsa isago tsweletso ya tekatekano, tiriso e e nonofileng, mosola le ya leruri ya metsi tlhabololo ya ikonomi le loago; le go sireletsa tikologo ya ditshedi tsa mo metsing.
Tshitshinyo ya go tlhama Mokgatlho wa Badirisi ba metsi e tshwanetse go tsamaisana le leano la Tsamaiso ya Bodutiso la Setheo sa Tsamaiso ya Bodutiso.
Nngwe ya dintlha tse di tshwanetseng go akarediwa mo tshitshinyong ke molaotheo o o tshitshintsweng wa Mokgatlho wa Badirisi ba metsi.
Molao wa Bosetšhaba wa metsi o tlhalosa dintlha tsotlhe tse molaotheo wa Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o tshwanetseng go samagana natso. Gape Molao (Sejule ya 5) o na le sekai sa molaotheo seo se ka dirisiwang go tlhama molaotheo.
Le fa e le gore molaotheo o ka akaretsa ditiro di le mmalwa tsa Mokgatlho wa Badirisi ba metsi, seno ga se kae gore Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o ka nna le ditiro tse ka gangwe fela fa o sena go tlhamiwa.
Bao ba dirang kopo ya gore go tlhamiwe Mokgatlho wa Badirisi ba metsi, ba tshwanetse gore, jaaka karolo ya thulaganyo ya go tlhama, ba dire kopo ya semmuso ya ditiro tseo di rebolelwang Mokgatlho wa Badirisi ba metsi. Seno se ka dirwa mo lekwalong fa go tlhagisiwa tshitshinyo gore e sekasekwe.
Molaotheo o o amogetsweng ke Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o tlama ditokololo tsotlhe tsa ona.
Tona a ka lopa gore go akarediwe ditlamelo tse dingwe tsa tlaleletso mo molaotheong wa Mokgatlho wa Badirisi ba metsi. Ditlamelo tseo di tshwanetse go amogelwa ke ditokololo tsa mokgatlho le go rebolwa ke Tona pele ga Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o ka dirisa dithata dipe fela gongwe go dira ditiro dipe.
Tona o tla tlamela ka tshegetso efe mo go tlhamiweng ga Mokgatlho wa Badirisi ba metsi?
Baagi bao ba tlhokang bokgoni jwa go rulaganya le go tlhola dithulaganyo tse di tlhokegang tsa setheo. Totatota, thuso e ka neelwa fa go tlhokegang gore go etleediwe tlhabololo (e e tshwanang le go tlhabololwa ga balemi ba bosetlabošweng) ka go tlhamiwa ga Mokgatlho wa Badirisi ba metsi.
Diboto tsotlhe tsa nosetso le diboto tsa taolo ya metsi tse di nnileng teng pele ga go simologa ga Molao di tshwanetse go fetolelwa go nna Mekgatlho ya Badirisi ba metsi. Diboto dingwe tse di tlhametsweng mabaka a go nosa leruo go ya ka Molao wa Metsi wa maloba, le tsona di tla fetolelwa go nna Mekgatlho ya Badirisi ba metsi.
Tota tota kago sešwa ya diboto tsa nosetso e kaya gore di tshwanetse go fetola mafelo a di dirang mo go ona le sebopego sa botsamaisi go akaretsa mafelo go lebeletswe lotso le bong.
Aforika Borwa e na le hisetori ya phitlhelelo e e sa lekalekaneg ya ditlamelo. Kago sešwa ke nngwe ya mekgwa ya go fitlhelela tekatekano. Tona e rebotse kaedi e e malebana le botokololo jwa komiti tsamaiso boto ya nosetso e e rulagantsweng sešwa.
Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o tlamelwa jang ka matlole?
Go botlhokwa tota gore Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o nne le bokgoni jwa go ithusa ka matlole. Go tlhamiwa ga Mokgatlho wa Badirisi ba metsi go ka kgonagala fa fela ditokololo di kgona go duelela ditshenyegelo tsa tsamaiso mmogo le tsa tiragatso le tlhokomelo tsa ditiro dipe fela tse di amanang le Mokgatlho wa Badirisi ba metsi. Ka jalo, Mokgatlho wa Badirisi ba metsi ka gale o tlamelwa ka matlole ka ditefiso tse di lefisiwang ditokololo tsa ona tse di bidiwang 'ditefiso tsa tiriso ya metsi'.
tšhelete e e tswang mo tirisong ya ditiriso tsa metsi thuso ya ditšhelete ka tlhamalalo go tswa kwa lefapheng la Merero ya Metsi le Jalo ya Dikgwa gongwe go tswa kwa Setheong sa Tsamaiso ya Bodutiso metswedi e mengwe e e kgotsofatsang ditlhokego tsa Molao, go tshwana le mananeoa dithuso gongwe matlole a ketleetso.
Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o ka sekaseka tefiso ya ditokololo tsa ona ka ngwaga fa molaotheo o na le tlamelo ya seno. Dituelo tseno di tshwanetse go tsamaisana le leano la tuediso ya tiriso ya metsi jaaka le beilwe ke Tona.
Lefapha le dirile pholisi ya go tlamela ka thuso ya ditšhelete go banosetsi ba ba leng teng gongwe ba bantšhwa ba ditlhopha tse di neng di kgapetswe thoko mo malobeng tse e leng ditokololo tsa Mokgatlho wa Badirisi ba metsi.
Komiti ya Tsamaiso e arabela ka tlhamalao go ditokololo tsa Mokgatlho wa Badirisi ba metsi. Mokgatlho wa Badirisi ba metsi ona ka kakaretso o ikarabela kwa go Tona. Fa Tona a rolela tlhokomelo ya tiro ya Mokgatlho wa Badirisi ba metsi kwa Setheong sa Tsamaiso ya Bodutiso, Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o tla ikarabela kwa Setheong sa Tsamaiso ya Bodutiso.
Ditiro le maikarabelo a Mokgatlho wa Badirisi ba metsi ke eng?
Ditiro tsa Mokgatlho wa Badirisi ba metsi di ikaegile ka molaotheo wa ona o o amogetsweng.
Go thibela tshenyego ya metsi go tswa mo metswedi epe fela.
Go sireletsa ditlamelo tsa metsi.
Go thibela tiriso e e seng ka fa molaong ya metsi.
Go tlosa gongwe go rulaganya go tlosa sekgoreletsi sepe fela se se beilweng e seng ka fa molaong mo moeding wa metsi.
fokotsa tkgonagalo ya tshenyego ya lefatshe fa go ka nna le morwalela; le go fetolela moedi kwa sebopegong sa ona sa pele fa o fetotswe ke mabaka a tlholego.
Mekgatlho ya Badirisi ba metsi e ka rolelwa dithata tsa tlaleletso le ditiro ke Setheo sa Tsamaiso ya Bodutiso kgotsa Tona.
Mosola wa go tlhama Mokgatlho wa Badirisi ba metsi ke ofe go badirisi?
Mosola wa Mokgatlho wa Badirisi ba metsi mo badirisng o tla ikaega ka maikemisetso ao Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o a tlhametsweng.
Mo mabakeng a dikema tsa nosetso tsa balemi ba kgwebo gongwe ba bosetlabošweng, go tlhama Mokgatlho wa Badirisi ba metsi go kgontsha go dirisanammogo mo ikonoming mme ditokololo di arolelane ditshiamelo. Go dira tirelo e nnye ya motho ka nosi go le gantsi ga gona lotseno.
Mo mabakeng a Mekgatlho ya Badirisi ba metsi tlhometsweng go laola tiriso ya boitapoloso, mosola ke gore bothati bo le bongwe fela bo rwala maikarabelo a go dirisiwa ga tlamelo e e rileng ya metsi mo mabakeng a boitapoloso. Seno se kgontsha Mokgatlho wa Badirisi ba metsi nna le kgokaganyo e e tlhokegang le go lekalekanya dikgatlhego tsa badirisi ba ba farologaneng e le gone go tila kgotlhang. Fa setlhopa se batla go tlhama Mokgatlho wa Tiriso ya Metsi malebana le tiriso e e rileng ya metsi, ba tshwanetse gore pele ba sedisise gore a Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o tla nna le mosola o montsi mo ditokololong tsa ona. Go nna tokololo ya Mokgatlho wa Badirisi ba Metsi ke boithaopo, ka jalo fa Mokgatlho wa Badirisi ba Metsi o sa tlamele ka mesola e e tlhokegang, o ka se kgone go tshola ditokololo tsa ona (go lemogwa gore go na le mabaka a a beilweng).
Tona, morago ga go batla maikutlo a mokgatlho wa badirisi ba metsi, a ka laela gore motho a amogelwe jaaka tokololo ya mokgatlho mo maemong a a sa gobeleleng mme a na le tekatekano.
Tsereganya mo tirong ya Mokgatlho wa Badirisi ba metsi. Tona o dira seno ka go laela Mokgatlho wa Badirisi ba metsi go tsaya kgato gongwe dikgato. Fa Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o sa ikobele taelo, ditshiamelo tsa matlole tse Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o neng o na le tsona, di ka beelwa thoko gofitlhelela o ikobela taelo.
Tona a ka kgaotsa botokololo jwa tokololo ya komiti ya botsamaisi ka go rebola kitsiso go Mokgatlho wa Badirisi ba metsi le tokololo e e amegang. Ma mabakeng a jalo, Tona e ka rulaganya gore phatlhatiro e e mo komiting ya botsamaisi e tladiwe.
Fa Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o sa ikobele taelo, Tona a ka o tseela ditiro go fitlhelela mokgatlho o diragatsa taelo. Tona a ka busetsa ditshenyegelo tsotlhe tse di bakilweng ke go tsaya ditiro nakwana go tswa mo Mokgatlhong wa Badirisi ba metsi sebaka se se rileng.
Pharologano ke eng magareng ga Ditheo tsa Tsamaiso ya Bodutiso le Mekgatlho ya Badirisi ba metsi?
Maikarabelo a Ditheo tsa Tsamaiso ya Bodutiso ke tsamaiso ya ditlamelo tsa metsi mo lefelong lotlhe la tsamaiso ya metsi.
Setheo sa Tsamaiso ya Bodutiso se tla rulaganya Leano la Tsamaiso ya Bodutiso- go samagana le merero ya ditlamelo tsa metsi mo lefelong lotlhe la tsamaiso ya metsi.
Leano la Tsamaiso ya Bodutiso la Setheo sa Tsamaiso ya Bodutiso le tla kaela Tona gore a ke go tlhamiwe Mekgatlho ya Badirisi ba metsi e e rileng, le gore e letlwe go dira ditiro dife mo mafelong a tsamaiso ya metsi.
Mokgatlho wa Badirisi ba metsi o emela dikgatlhegelo tse di nnye fela, go le gantsi ke lephata la badirisi ba metsi mo lefelong le le lennye fela.
Mekgatlho mengwe ya Badirisi ba metsi e ka nna le kemedi mo Botong ya Bobusisi ya Setheo sa Tsamaiso ya Bodutiso le mo Dikomiting tsa Tsamaiso ya Bodutelo.
Mekgatlho ya Badirisi ba metsi e tlamela ka popegotheo ya selegae e go ka tsenngwang tirisong Leano la Tsamaiso ya Bodutiso ka yona kwa maemong a selegae.
<fn>tsn_Article_National Language Services_MMANYUALE WA TIRISO YA DITLAMELO.txt</fn>
Mo ntlheng ya Bothati jwa Borutegi jwa Meepo jo bo bidiwang fano "MQA" ke Mokhuduthamagamogolo.
Motlhankedi wa Tshedimosetso a ka rolela dithata gongwe tiro e e rebolwang gongwe e laolelwang Motlhankedi wa Tshedimosetso ke Molao ono go Motlatsa Motlhankedi wa tshedimosetso wa lefapha leno.
Mokhuduthamagamogolo o tshwanetse go tlhoma mongwe go nna Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso go dira gore bothati jwa MQA bo kgone go fitlhelega ka moo go ka kgonagalang ka gona mo bathong ba ba kopang direkoto tsa yona. Motlhankedi wa Tshedimosetso o na le taolo ya motlatsa motlhankedi wa tshedimosetso wa bothati jwa MQA.
Mokopi yo o batlang go fitlhelela rekoto e e nang le tshedimosetso ya sebele ka ga gagwe.
maikutlo gongwe megopolo ya motho yo mongwe malebana le tshitsinyo ya thuso, sekgele gongwe kabelo e e tshwanetseng go newa motho, fela go sa akarediwe leina la motho yo mongwe moo le tlhagelelang gona le maikutlo le megopolo ya motho yo mongwe; le leina la motho moo le tlhagelelang gona le tshedimosetso ya sebele e e amanang motho, gongwe moo tshenolo ya leina ka boyona e ka senolang tshedimosetso ka ga motho, fela go sa akarediwe tshedimosetso ka ga motho yo o nang le dingwaga di le 20 a tlhokafetse.
Motho mongwe le mongwe yo o dirang kopo ya go fitlhelela rekoto ya bothati jwa MQA.
motho ope fela go akarediwa, mme go sa felelwe fela ka, puso ya naga e sele, mokgatlho wa boditšhabatšhaba o e seng mokopi yo o amegang, mme, go tsweletsa dikarolo tsa 34 tsa Molao, go kaiwa ga 'motho' mo ditemaneng tsa a le b go tshwanetse go tlhaloganngwa go kaiwa 'motho wa tlholego'.
Malebana le bothati jwa MQA, Bothati jo bo Maleba bo kaya Tona e e rweleng maikarabelo a bothati jwa MQA, e leng Tona ya Badiri.
E kaya Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa e e kaiwang mo karolong ya 181 (b) ya Molaotheo.
Malebana le bothati jwa MQA, rekoto e kaya tshedimosetso epe fela e e rekotilweng go sa tshwenye gore e mo sebopegong sefe e e tshotsweng gongwe e le mo taolong ya setheo seo sa setšhaba mme gape go sa tshwenye gore a e tlhamilwe ke setheo seo sa setšhaba kgotsa nnyaa.
Molao wa Thanolo, Molao wa bo33 wa 1957.
A kaya malatsi ape fela kwa ntle ga BoLamatlhatso, Disontaga gongwe Malatsi a boikhutso a setšhaba, jaaka a tlhalosiwa mo karolong 1 ya Molao wa Malatsi a Boikhutso a Setšhaba, wa 1994 (Molao wa bo36 wa 1994).
Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso (PAIA), Molao wa bo2 wa 2000 (o fano o bidiwang Molao) o simolotse go dira ka 9 Mopitlwe 2001, mme o tlhalosa botlhokwa jwa phitlhelelo ya tshedimosetso mo setšhabeng se se nang le temokerasi, mme se dira dilo mo pepeneneg. Molao o naya karolo ya bo32 ya Molaotlhomo wa Ditshwanelo mo Molaotheong sebopego sa Semolao mme o tshwanetse go tlhaloganngwa e le molao o o diragatsang tshwanelo ya molaotheo.
a tshedimosetso epe fela e e tshotsweng ke mmuso; le b tshedimosetso epe fela e e tshotsweng ke motho yo mongwe mme e tlhokega go diragatsa ditshwanelo dipe fela.
Molao wa bosetšhaba o tshwanetse go diragadiwa gore tshwanelo eno e diragadiwe, mme o ka dira tlamelo ya gore go nne le dikgato tse di amogelesegang go fokoletsa mmuso mokgweleo wa tsamaiso le ditšhelete.
Go maatlafatsa le go ruta batho botlhe go tlhaloganya ditshwanelo tsa bona go ya ka Molao, go tlhaloganya ditiro le ka moo ditheo tsa setšhaba di dirang ka gona le go sekaseka sentle le go nna le seabe mo ditshwetsong tsa ditheo tsa setšhaba tse di amang ditshwanelo tsa bona.
Maitlhomo a mmanyuale ono ke go sedimosetsa motho gore o ka fitlhelela jang direkoto tse di tshotsweng ke Lefapha la Bosetšhaba la Matlo, e le go diragatsa Karolo 14 ya Molao.
Go ka rebolwa popegotheo e e feletseng ya setheo fa e kopiwa.
Bothati jwa Borutegi jwa Meepo MQA ke setheo sa semolao se se nang le baemedi go tswa kwa Mmusong Lefapha la Diminerale le Maatla, Bathapi Mokgatlho wa Meepo le Bodiri Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Badirameepong NUM le Mokgatlho o o Kopaneng wa Aforika Borwa UASA.
Bothati jwa MQA bo kwadisitswe jaaka Monetefatsi wa Boleng wa Thuto le Katiso (ETQA) go ya ka Molao wa Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa, wa 1995.
Go dira tiro epe fela e e rebolwang ke Molao wa Tlhabololo ya Bokgoni le Molao wa Tefiso ya Tlhabololo ya Bokgoni gongwe tse di ikamanyang le maikemisetso ao.
Bothati jwa MQA bo na le dithata tse di tlhokegang go bo kgontsha go diragatsa ditiro tsa jona jaaka di tlhagisitswe fa godimo gammogo le dithata dipe gape tse dingwe tse bo di roletsweng ka ntlha ya Molao wa Tlhabololo ya Bokgoni.
Ponelopele ya bothati jwa MQA ke go nna le kitso le bokgoni jo bo lekaneng mme bo le maleba gore bo kgone go tshegetsa tlhagiso, boitekanelo le pabalesego ya mo tirong gammogo le diphetogo mo Lephateng la Meepo le Diminerale.
Tiro ya ntlha ya bothati jwa MQA ke go gokaganya Tlhabololo ya Bokgoni mo Lephateng la Meepo le Diminerale go ya ka Molao wa Tlhabololo ya Bokgoni, wa 1998.
Setšhaba se ka fitlhelela ditirelo ka kantoro ya Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso.
Dikopo tsotlhe tsa direkoto di tshwanetse go romelwa go Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso go dirisiwa foromo e e rebotsweng. Fa foromo e e rebotsweng e sena go tladiwa, e ka romelwa ka poso, fekese gongwe poso ya E go Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso ka go dirisa dintlha tsa kgolagano tse di tlhalositsweng fa godimo.
Foromo e e rebotsweng e mametleletswe fano jaaka Mametlelelo A.
Fa a sena go amogela kopo ya tshedimosetso, Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso o tshwanetse go swetsa mo sebakeng sa malatsi a le 30 gore a o dumelela kopo ya rekoto kgotsa nnyaa. Mokopi o tshwanetse go itsisiwe ka tshwetso jaaka go kailwe mo karolong ya 53 (e).
Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso yo kopo ya phitlhelelo ya direkoto e dirilweng kwa go ena, a ka atolosa paka ya malatsi a le 30 e e kaiwang mo karolong ya 25 gangwe fela, sebaka sa malatsi a le 30 fa e le gore kopo ke ya palo e e kwa godimo ya direkoto le/kgotsa go tlhokega puisano magareng ga dikarolo tse di farologaneng go fitlhelela direkoto. Mokopi o tshwanetse go itsisiwe ka mabaka a katoloso.
Fa kopo e ka dumelelwa, Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso o tshwanetse gore pele ga a ka diragatsa kopo, a itsise mokopi madi a a tshwanetseng go duelwa go ya ka polelwana 10.4 ya mmanyuale ono.
Fa Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso a ka amogela kopo e e tshwanetseng go diragadiwa ke setheo se sengwe sa setšhaba, Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso o tla fetisetsa kopo kwa setheong se se maleba sa setšhaba mo sebakeng sa malatsi a le 14, mme a itsise mokopi seo.
Go tlhamiwa ga ditokomane tsa pholisi le Leano la Bokgoni la Lephata go diragala mo thulaganyong e e rulagantsweng mme e ikaegile ka dipatlisiso. Mo ntlheng eno, ntlhatheo ya patlomaikutlo e patelesega ka botokololo jwa maphatamararo jwa Boto jo e leng kemedi go tswa kwa Lefapheng la Diminerale le Maatla, e e emetseng Mmuso, Mokgatlho wa Meepo (Chamber of Mines), e e emetseng kgwebo e e rulaganeng le Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Badiramoepong (NUM) le Mokgatlho o o Kopaneng wa Aforika Borwa (UASA) e e emetseng Badiri ba ba rulaganeng.
Thulaganyo ya patlomaikutlo e tshegediwa ke dipopegotheo tsa tsamaiso tse di nang le tshegetso mme di dira sentle di tshwana le Boto, Komitikhuduthamaga le Dikomiti tse dingwe tse di farologaneng.
Phitlhelelo ya direkoto tse di mo lenaneng leno ke ya tse di tshwanetseng go kopiwa go ya ka Molao. Direkoto tseno di ka kopiwa go tswa go Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso go ya ka thulaganyo ya go dira kopo. Dikarolo tsa direkoto di rulagantswe go ya ka direkoto tse di ka nnang gona ka gangwe fela le direkoto tse di ka nnang gona fa di kopiwa go ya ka thulaganyo ya go dira kopo go ya ka Molao.
Ditlamelo tsa karolo ya 5 ya Molao e tlhalosa sentle gore Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso o dira ka tlogelo ya tlamelo epe fela ya molao mongwe o o thibelang gore o lekanyetsa tshenolo mme e le gore ga o tsamaelane le maikemisetso gongwe tlamelo e e riling ya Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso. Karolo ya 55.
Direkoto tse di mo lenaneng leno di ka bonwa ka gangwe fela kwa ntle ga gore motho a dire kopo ya go di fitlhelela go ya ka Molao. Go ka ikgolaganngwa le Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso go fitlhelela direkoto tseno tse di ka nnang gona go sekasekwa, rekwa gongwe go dirwa dikhopi go sena go duelwa madi a a tlhalositsweng mo polelwaneng ya 10.4 fa tlase.
Tshedimosetso e e rileng e ka fitlhelelwa ntle le tuelo mo mabakeng mangwe ka go etela setsha sa inthanete sa bothati jwa MQA kwa: http://www.mqa.org.za.
Phitlhelelo ya direkoto tse di mo lenaneng le le fa tlase ke ya tse di ka kopiwang go ya ka Molao. Direkoto tseno di ka kopiwa go tswa go Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso go ya ka tsamaiso ya go dira dikopo.
Tuelo ya kopo, e leng tuelo e e tsepameng e e duelwang gangwe fela. Tuelo e e beilweng ke R35,00. Tuelo eno e tshwanetse go duelwa pele ga go ka tswelelwa pele ka kopo mme Mothusa Motlhankedi wa Tshedimosetso o tshwanetse go itsise mokopi ka lekwalo gore go duelwa tuelo eno, kwa ntle ga fa e le mokopi wa sebele.
Dituelo tsa phitlhelelo di akaretsa go ntsifatsa, go batla, go baakanya le ditshenyegelo tsa poso fa go le maleba. Fa nako ya go baakanya e fetsa diura tsa thataro, mokopi, kwa ntle le fa e le mokopi wa sebele, o tshwanetse go duela dipositi ya nngwe tharong ya tuelo e e tshwanetseng go duelwa. Fa kopo e ka ganelwa ke Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso, go tshwanetse ga busediwa mokopi tuelo ya phitlhelelo.
Dituelo tse di beilweng di sobokantswe go ya ka Karolo II ya Kitsiso ya Puso (R187) e e phasaladitsweng mo Kaseteng ya Puso ka 15 Tlhakole 2002.
Dituelo tsa kopo di duelwa ke mokopi, kwa ntle ga fa e le mokopi wa sebele go ya ka molawana wa 7.
Kopo ya nako eo fela R 35.
Khopi ya Mmanyale go ya ka molawana 5C, Ka tsebe ya A4 R 0.
Fotokhopi nnngwe le nngwe ya tokumente ya bogolo jwa A4 R 0.
Ditshwantshopono tsa tsebe ya A4 gongwe karolo ya teng R 22.
Khopi ya ditshwantshopono R 60.
Kopo e ka ganelwa fa mokopi a sa obamela ditlhokego tsotlhe tsa tsamaiso morago ga a sena go itsisiwe ka maikaelelo a go gana kopo ke Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso.
Molao o na le ditlamelo tsa mabaka a mo go ona go ka tshwanetseng go letlelela gongwe go ganela phitlhelelo ya rekoto. Gape Molao o dira tlamelo ya go nna teng ga direkoto mo dikgatlhegong tsa setšhaba go ya ka karolo 46.
Go tsweletsa mabaka a mmanyuale ono, go tla tlhagisiwa fela mabaka a mo go ona go tshwanetsetseng ga ganelwa phitlhelelo ya rekoto fa tlase fa.
Tshireletso e e laoletsweng ya tshedimosetso e e riling ya sephiri ya motho wa boraro Karolo 371a.
Dikgato tse di gona kgatlhanong le ditshwetso tsa Motlhankedi wa Tshedimosetso gongwe Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso mo kopong ya phitlhelelo ke Boikuelo jwa ka fa Gare go ya ka karolo ya 74 - 77 gongwe kopo ya kwa kgotlatshekelo go ya ka Karolo ya 78 - 82. Kopo ya kwa kgotlatshekelo e ka tsenngwa fela fa go sena go diragadiwa thulaganyo ya boikuelo jwa ka fa gare.
Boikuelo jwa ka fa gare' bo kaya Boikuelo jwa ka fa Gare go 'Bothati jo bo Maleba' go ya ka karolo ya 74 ya Molao. Mo ntlheng ya bothati jwa MQA, Tona ya Badiri. Mokopi, mokopi wa sebele gongwe motho wa boraro a ka tsenya Boikuelo jwa ka fa Gare fa a sa kgotsofalela tshwetso e e tserweng ke Motlhankedi wa Tshedimosetso gongwe Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso malebana le kopo ya phitlhelelo.
Mofuta wa phitlhelelo e e letleletsweng Karolo 25 2c.
Gore go tsennngwe Boikuelo jwa ka fa Gare, mokopi, mokopi wa sebele gongwe motho wa boraro o tshwanetse go tlatsa foromo e e beilweng go tsenya boikuelo mo sebakeng sa malatsi a le 60 mokopi a sena go itsisiwe ka tshwetso.
Batho ba boraro, ba tshwanetse go tsenya boikuelo mo foromong e e beilweng mo sebakeng sa malatsi a le 30 morago ga motho wa boraro a sena go itsisiwe ka tshwetso.
Boikuelo jwa ka fa gare jo bo tsenngwang thari bo ka nna jwa lebelelwa fa fela e le gore go na le lebaka le le utlwalang la go dira jalo thari. Kitsiso ya tshwetso go ya ka karolo 75 (a) (b) e tla tlamelwa ke Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso.
Foromo e e tladitsweng ya Boikuelo e tshwanetse go saeniwa le go romelwa go Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetyso ka poso, fekese kgotsa poso ya E.
Foromo ya Boikuelo e mametleletswe fano jaaka Mametlelelo B.
Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso o tshwanetse go isa Boikuelo jwa ka fa Gare kwa Bothating jo bo Maleba mo sebakeng sa malatsi a le 10 a tiro. Bothati jo bo Maleba bo tshwanetse go itsise maphata a boraro a a amegang ka bonako jo bo ka kgonagalang, fela e seng sebaka sa go feta malatsi a le 30, ka poso, fekese gongwe poso ya E, morago ga go amogela Boikuelo jwa ka fa Gare jo bo tsentsweng ke mokopi kgatlhanong le go ganelwa ka tetla ya phitlhelelo.
Bothati jo bo Maleba bo tshwanetse go itsise mokopi yo o amegang mo sebakeng sa malatsi a le 30, ka poso, fekese gongwe poso ya E morago ga go amogela Boikuelo jwa ka fa Gare jo bo tsentsweng ke maphata a boraro kgatlhanong le go rebolwa ga phitlhelelo.
Mokopi gongwe motho wa boraro, e kare mo sebakeng sa malatsi a le 21 morago ga go itsisiwe, a dira tlhagiso e e kwadilweng go Bothatikhuduthamaga jo bo maleba malebana le gore goreng kopo e tshwanetse go letlelelwa gongwe go se letlelelwe go ya ka karolo ya 76.
Bothati jo bo Maleba, e ka nna ya re morago ga go sekaseka boikuelo, jwa swetsa go tlhomamisa tshwetso e go ikuelwang kgatlhanong nayo, gongwe go e emisetsa ka tshwetso e ntšhwa. Morago fela ga gore go nne le tshwetso malebana le Boikuelo jwa ka fa Gare, go tshwanetse ga neelwa moikuedi, mongwe le mongwe wa lephata la boraro le mokopi, kitsiso e e kwadilweng ya tshwetso.
Fa Bothatikhuduthamaga bo retelelwa ke go ntsha kitsiso ya tshwetso ya boikuelo mo sebakeng sa malatsi a le 30, go tshwanetse ga tsewa gore boikuelo jwa ka fa gare bo tsholotswe mme mokopi o tshwanetse go dira kopo kwa kgotlatshekelo go ya ka karolo ya 77.
Go ya ka Molawana wa No R.
Go ya ka Molawana wa No R. 187 wa 15 Tlhakole 2002, karolo 4 , o tla nna fa go sena go dumelelwa ke Boto ya bothati jwa MQA ka Diphalane 2006.
Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso, Molao wa bo2 wa 2000.
Melawana e e malebana le Tsweletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso, No R 187, 15 Tlhakole 2002.
<fn>tsn_Article_National Language Services_MMELE WA MOTHO YO O GOGANG (1997).txt</fn>
Mo disekontong dingwe le dingwe tse di 8, go na le motho yo o swang, go rialo Mokgatlho wa Boitekanelo wa Lefatshe. Dipatlisiso di supa gore batho ba ba gogang mo bošweng jwa bone (jaaka go feta diperesente di le 70 ba tsuba), mme ba tsweletse go goga mo diketengpedi kgotsa go feta, ba tla tlhokafala pele ga dingwaga di le 20 go ya go di le 25 go feta bao ba iseng ba goge. Ga se fela kankere ya mafatlha le bolwetse jwa pelo tse di tlholang mathata a boitekanelo le loso. Fa tlase fa, dingwe tsa ditlamorago tsa go goga tse di sa phasaladiwang thata go tswa kwa tlhogong go ya kwa monwaneng wa leoto.
Go latlhegelwa ke moriri: Go goga go koafatsa itshereletso ya mmele, mme go dire gore mmele o tlhaselwe ke malwetse a a jaaka lupus erythematosus, e e ka bakang latlhegelwa ke moriri, dikgeleswa ka fa leganong le disonyana mo sefatlhegong, letlalo la tlhogo le mo diatleng.
Diphororo: Go na le tumelo ya gore go goga go baka kgotsa go ka gakatsa maemo a matlho. Batho ba ba gogang ba na le seelo sa diperesente di le 40 tsa diphororo, go fifala ga letha la leitlho le le thibelang lesedi, mme go ka lebisa kwa go foufaleng. Go goga go baka diphororo ka mekgwa e mebedi: ka go dira gore matlhotlho a tlhotlhone le ka go ntshetsa dikhemikhale ka mo matshwafong tse morago di tsamayang le madi go tsena ka mo matlhong. Go goga gape go golaganngwa le koafala ga letha fa o gola, bolwetse jwa matlho jo bo sa alafegeng jo bo go tlholwa ke koafalo ya karolo e e fa gare ya retina, e e itsegeng jaaka letha. Letha le botlhokwa mo go tsepamiseng pono ya matlho, mme le laola bokgoni jwa rona go ka buisa go kgweetsa koloi, go gakologelwa difatlhego le mebala, le go bona dilo sentle.
Matsutsuba a letlalo: Go goga go tsofatsa letlalo pele ga nako ka ga latlhegelwa ke diporoteine tse di dirang gore le ngaologe, go fetsa vitamini A le go kgoreletsa kelelo ya madi. Letlalo la motho yo o gogang le omeletse, le magwata ka methalo e e mafaratlhatlha, segolo go dikologa ditokololo le matlho.
Go latlhegelwa ke kutlo: Ka ntlha ya gore go goga go baka polaka legogo mo maboteng a methapo ya madi, go fokotsa kelelo ya madi go ya kwa botennye jwa tsebe, batho ba ba gogang ba ka latlhegelwa ke kutlo ka pele go na le batho ba ba sa gogeng, mme ba tshabelwa ke go latlhegelwa ke kutlo go go bakiwang ke ditshwaetsego tsa ditsebe kgotsa modumo o mogolo. Gape batho ba ba gogang ba na le dikgonagalo tse di fetang boraro go na le batho ba ba sa gogeng go tshwaetsega ka fa gare ga tsebe go go ka lebisang kwa mathateng a a jaaka tshoromo ya boboko le go senyega ga sefatlhego.
Kankere ya letlalo: Go goga ga go bake melanoma kankere e nako nngwe e ka nnang kotsi thata, mme e oketsa kgonagalo ya go swa ka ntlha ya teng. Batho ba ba gogang ba na le matshosetsi a a gabedi a go tlhaselwa ke kankere ya cutaneus squamous - kankere e e tlogelang makakaba a mahibidu mo letlalong.
Go bola ga meno: Go goga go tshwenyana le khemistri ya molomo, go baka polaka e e feteletseng, meno a a fetogang go nna sorolane le go baka go bola ga meno. Kgonagalo ya go latlhegelwa ke meno ya batho ba ba gogang ke bongwe le seripa.
Go buduloga ga dikgetsana tsa mowa tsa matshwafo: Godimo ga kankere ya matshwafo, go goga go baka go buduloga ga dikgetsana tsa mowa tsa matshwafo, go ruruga le go phatloga ga dikgetsana tsa mowa go go fokotsang bokgoni jwa matshwafo go tsaya okosijene le go ntsha khabontaeokesaete. Mo mabakeng a a thata, trakhiostomi e thusa balwetse go hema. Go phunngwa phatlha mo kgokgotsong le setsenyamowa go pateletsa mowa go tsena ka mo matshwafong bona setshwantsho. Khupelo e e kwa godimo ga e a bontshiwa e dira gore go tlale mamina a tlatseng boladu, se se bakang segotlhala se se botlhoko le mathata a go hema.
Osteoporosisi: Khabonomono-okosaete, gase e e kotsi thata ya e tswang mo diokesosong tsa koli le mosi wa sekerete, e kgomarela mo mading bonolo go na le okosijene, e kgaola maatla a a rweleng ke okosijene mo mading a batho ba ba gogang ka bokana ka diperesente di le 15. Ka ntlha ya se, marapo a batho ba ba gogang a latlhegelwa ke boleng, robega bonolo, mme a tsaya nako e telele ya bokana ka diperesente di le 80 go fola. Gape batho ba ba gogang ba tshabelwa ke mathata a mokotla: nngwe ya dipatlisiso e supa fa e le gore badiri kwa diintasetering ba ba gogang ba na le kgonagalo e e kana ka botlhano ya go itemogela ditlhabi tsa mokotla morago ga kgobalo.
Bolwetse jwa pelo: leso le lengwe mo gare ga a le mararo mo lefatsheng ke ka ntlha ya malwetse a a amanang le pelo. Go goga ke lengwe la mabaka a magolo a a tlholang malwetse a a amanang le pelo.
Malwetse a, a bolaya batho ba ba fetang milione ka ngwaga mo dinageng tse di tlhabologang. Malwetse a pelo a a amanang le go goga a bolaya batho ba ba fetang 600 000 mo dinageng tse di tlhabologileng.
Go goga go dira gore pelo e beletse ka bonako, go tlhatlosa kgatelelo ya madi le go oketsa kgonagalo ya kgatelelo e e kwa godimo thata ya madi le go thibana ga ditshika tse di pompelang madi kwa pelong, mme kwa bokhutlong go bake go kubugelwa ke pelo le seterouku.
Ditlhagala tsa mala: Go goga go koafatsa kgotlelelo ya kemokgatlhanong le dibaketeria tse di bakang ditlhagala tsa mala.
Gape go koafatsa bokgoni jwa mala go timola bogale jwa asiti morago ga dijo, go tlogela asiti go ja dipota tsa mala. Go bokete go alafa ditlhagala tsa batho ba ba gogang, mme go na le kgonagalo ya gore di ka tlhagelela gape.
Menwana e e fetofileng mmala: bokgaga jwa mosi wa sekerete bo kokoana mo menwaneng le mo dinaleng, bo dira gore di nne le mmala o o bosetlha jo bo sorolane.
Kankere ya Popelo le go fetelwa: Ntle le go oketsa matshosetsi a kankere ya kgotshane le popelo, go goga go bakela basadi mathata a go ka ima le marara ka motsi wa boimana le ka motlha wa go belega.
Go goga ka paka ya boimana go oketsa matshosetsi a boima jo bo kwa tlase le ditlamorago tsa botshelo jo bo sa itekanelang mo baneng. Go fetolwa go tlwaelegile thata ga 2 go go ga 3 mo basading ba ba gogang, fela jaaka bana ba ba belegwang ba fedile ka ntlha ya tlhaelo ya okosijene le motlhana o o sa itekanelang go go tlholwang ke khabonomonookesaete le nikhotini e e mo sekereteng. Go tlhokofala ga masea ka bonako le gona go ka golaganngwa le go goga. Go tlaleletsa se, go goga go ka fokotsa maemo a eseterojene go go bakang monophose pele ga nako.
Sepêmê se se golofetseng: Go goga go ka golofatsa sepêmê le go senya DNA ya sona, mme ga baka go fetelwa kgotsa bogole mo pelegong. Dipatlisiso dingwe di supile gore banna ba ba gogang ba na le matshosetsi a a kwa godimo a go dira ngwana yo o ka tshwarwang ke khensa. Gape go goga go ngotla palo ya disepêmê le go fokotsa kelelo ya madi go ya kwa motsokwaneng, go go ka bakang go tlhoka thari. Boopa bo tlwaelegile mo bathong ba ba gogang.
Bogwata (soriasisi) : Batho ba ba gogang ba na le kgonagalo ya gabedi kgotsa gararo ya go nna le bogwata, maemo a a sa feteleng a letlalo a a tlogelang dibata tse di tlhotlhonang tse khibidu mo mmeleng otlhe.
Bolwetse jwa Buerger: Bolwetse jwa Buerger, jo gape bo itsegeng jaaka thromboangitis obliterans, ke go ruruga ga diisamadi, ditshika, le methapo mo maotong, thata, bo lebisa kwa kganelong ya kelelo ya madi. Fa bo ka se tlhokomelwe, bolwetse jwa Buerger bo ka tlhola kankerini (go swa ga methapo ya mmele) le go kgaolwa ga dikarolo dirwe tse di amegileng.
Kankere: Dire tse di fetang 40 tsa motsoko di supilwe fa di tlhola kankere. Go na le kgonagalo ya bokana ka 22 ya gore batho ba ba gogang ba nne le kankere 16a go na le ba ba sa gogeng.
mometso ga 8 go ya go ga 10; kodu ga 10 go ya go ga 18; mala ga go ya go ga 3); diphilo (ga 5) 16d senya (ga 3) motsokwana (ga 2 go ya go ga 3; lebete ga 2 go ya go ga 5; 16e malana ga 3; le motete ga 5 go ya go ga 6. Dipatlisiso tse dingwe di lemogile kamano magareng ga go goga le go kankere ya mafatlha 16f.
Kwa tshimologong e ntshitswe ke makasine wa COLOURS, phasalatso ya bo 21, Phukwi - Phatwe 1997.
<fn>tsn_Article_National Language Services_MOLAETSA WA MAFELO A NGWAGA GO TSWA GO MOKAEDIKAKARETSO.txt</fn>
Go thata go dumela gore re setse re le mo ngwageng o mongwe wa ditiragalo. Fa o leba kwa morago, setheo se ne se le mo metlotseding ya tlhaeletsano ka yona nako e ngogola. Mmogo le batsamaisi ba bangwe, ke tsere matsapa a go kopana Ie lona lotlhe mo diofising tsa lona. Ditlamorago tsa teng di ne di gakgamatsa. Dintlha tse di amanang le Mabaka a Badiri (HR) e ne e le tsona tse dintsi mo matshwenyegong a lona. Ke itse gore thulaganyo ya setheo e baakantswe, mme setheo se boetse se dira ka tshwanelo. Ke lo leboga lotlhe ka ditshwaelo le boineelo jwa lona. HR e kopilwe go konosetsa dintlha tse di saletseng kwa morago tsa yona mafelo a ngwaga o.
Go thapiwa ga batsamaisibagolo le go okediwa ga bokgoni jwa botsamaisi segolo kwa Dikantorong tsa Dikgaolo ke kimologo e e amogelesegang. Maiteko a tsweletse go maatlafatsa bokgoni jwa kabelo ya ditirelo kwa Dikgaolong tsa rona. Ditlamorago tsa ditlhophokakaretso tsa di 14 Moranang 2004 di lerile kgatelelo mo dikantorong tseo di thusang badirelwa ba Maemo. Go lebeletswe gore re tle ka boitlhamedi le go somarela fa re ntse re tlhokometse ditlhokego tsa Kabinete e e atolositsweng. Ke ikaegile ka maikatlapelo a lona go kgona tlamelo ya ditirelo tsotlhe tse di solofetsweng.
Fa ke bua ka katoloso, Lenane le Lešwa le le Atolositsweng la Ditiro tsa Setšhaba le tsile go ama batho le megopolo ya rona le go feta. Jaaka nngwe ya boitlhamedi jwa mmuso go lwantsha botlhoki, EPWP e na le seabe mo tlhabololong ya loago le ikonomi ka go tlhola ditiro, tlhabololo ya bokgoni le tokafatso ya setšhaba. Thibololo ya bosetšhaba le ya diporofense e dirilwe ka Motsheganong le Phatwe/Lwetse ka tatelano. Re motlotlo ka gonne re kgonne tsamaisa dithibololo tseo ka katlego, botsi jwa tsona kwa maemong a bo-Poresidente.
Tsamaiso ya kamano ya rona le badirelwa ba rona ga e itumedise. Le fa go na le ditogamaano tse di dirilweng go tokafatsa ditirelo tsa rona, bangwe ba badirelwa ba rona ga ba ise ba bone mosola wa tsona. Ke ntse e amogela dingongorego le le ditshwaelo tse dingwe tsa go sa itumeleng go tswa kwa badirelweng. Se ga se amogelesege. Lebaka la go nna teng ga rona ke go tlamela badirelwa ba rona go akaretsa le mmuso ka ditirelo tsa porofešenale le tse di amogelesegang. Go retelelwa ga rona ga dira seo go phimola taolelo ya rona, mme go nyenyefatsa ditiro tsa rona. Boineelo jo bo tletseng jwa mongwe le mongwe wa rona, go tla thusa go boloka Lefapha. Ke sa ntse ke dira boikuelo go lona lotlhe go dira pharologano kwa lo leng teng. Re ka kgona.
Pegelo e e runnweng ya ditšhelete ya monongwaga e ne e le gaufi, mme gape e le kgakala. Re batlile re nna le thutno e e phepa, e e ka bong e dirile histori. Ka bomadimabe re latlhegetswe. Bokgoni bo teng go tokafatsa taolokgolo le tlhokomelo ya ditšhelete tsa rona. Ke gwetlha Lefapha go dira ka natla go fitlhelela pegelo ya boruni e e kgatlhisang monongwaga. Maitsholo mangwe le mangwe a a duleng mo tseleng a tla bona kotlhao e e gagametseng.
Ngwaga o e nnile o o bokete tota. Fela dipaka tse di thata le go feta di sa le kwa pele. Fa lotlhe lo tsaya malatsi a boikhutso a a lo tshwanetseng mo setlheng se sa boitumelo, ke batla gore lo ipaakanyetse tiro e e thata ngwaga o o tlang. DPW e tshwanetse go tshwana le Batho ba ba Keletlhoko mo Tirong (Diligent People at Work). Se ke boikuelo jwa rona jo bo utlwalang.
Re solofela gore bakaulengwe ba rona ba ma-Muslim le ma-Hindu (le ba malapa a bone) ba itumeletse Ramaadan le Depavali ka tatelano. Go bakaulengwe ba rona ba Ba-Keresete (le ba malapa a bone) re ba eleletsa Keresemose e e monate. Mowa wa kagiso, poelano le masego a di rene mo pakeng e, le go ya kwa pele.
Jaaka re tsaya maeto go jela nala kwa mafelong a a farologanen, a re obameleng melawana yotlhe ya tsela gore re Goroge ka Pabalasego mme re Tshela. Gakologelwa gore ke bosenyi go tlola melawana ya pharakano.
Ke solofela go le bona lotlhe lo bolokesegile, e bile lo itekanetse ka 2005. A re direng pharologano, go tswa fa re le teng.
<fn>tsn_Article_National Language Services_MOLAO (2000).txt</fn>
O rebotswe ka 5 Sedimonthole 2000.
Go laola motheo wa thutot le katiso ya bagolo; go dira ditlamelo tsa go tlhomiwa, taolo le tlamelo ka matlole ya ditikwatikwe tsa setšhaba tsa thuto ya bagolo; go tlamela kwadiso ya ditheo tsa poraefete tsa go ithuta tsa bagolo; go tlamela netefaletso ya boleng le tsweletso ya boleng mo motheong wa thuto le katiso ya bagolo; go tlamela dithulaganyo tsa kagabaganyo; le go tlamela dintlha tse di amanang le yona.
"motheo wa thuto le katiso ya bagolo" go tewa manane otlhe a thuto le katiso ya bagolo go simolola ka kgato ya 1 go ya go 4 fa kgato ya 4 e lekanang le a kereiti ya 9 mo dikolong tsa setšhaba; kgotsa b letlhomeso la kgato ya 1 la borutegi jwa bosetšhaba jaaka go kailwe mo Molaong wa SAQA, 1995 Molao No.
"moruni" go tewa motho mongwe le mongwe yo o kwadisitsweng go ya ka Molao wa Diakhaonto tsa Setšhaba le Baruni, 1991Molao No.
v "motsamaisi wa tikwatikwe" go tewa tlhogo ya tikwatikwe ya setšhaba yo o tlhomilweng ke Tlhogo ya Lefapha go latela Molao wa Thapo ya Barutabana, 1998 Molao No.
"Khansele ya Ditona tsa Thuto" go tewa Khansele e e theilweng ka fa tlase ga karolo ya Molao wa Pholesi ya Thuto ya Bosetšhaba, 1996 Molao No.
"kereiti" go tewa kereiti jaaka e tlhalosistwe mo karolong ya Molao wa Dikolo tsa Aforika Borwa, 1996 Molao No.
xviii "LBMTKB" go tewa Lekgotlakeletso la Bosetšhaba la Motheo wa Thuto le Katiso ya Bagolo, le le theilweng ka melawana ya ka karolo 11 ya Molao wa Pholesi ya Thuto ya Bosetšhaba, 1996 Molao No.
a Tona go ya ka Molao wa Pholesi ya Thuto ya Bosetšhaba, 1996 Molao No.
xxiv "Molao o" o akaretsa melawana e e dirilweng ka fa tlase ga Molao o.
Molao o.dira mo motheong mongwe le mongwe wa thuto le katiso ya bagolo e e tlamelwang ke tikwetikwe nngwe le nngwe mo Rephaboliking ya Aforika Borwa.
Leloko la Khuduthamaga le Tlhogo ya Lefapha ba tshwanetse go dirisa dithata dingwe le dingwe tse ba di neetsweng ke, kgotsa ka fa tlase ga Molao o, morago ga go tsaya maikarabelo a a feletseng a pholesi e e maleba e e tlhomamisitsweng go ya ka Molao wa Pholesi ya Thuto ya Bosetšhaba, 1996 Molao No. 27 wa 1996.
Leloko la Khuduthamaga le ka tlhoma tikwatikwe ya setšhaba, ka kitsiso mo Kaseteng ya Porofense le ka madi a a beetsweng tiro eo ke kgotlapeomolao ya porofense e e amegang,.
Tikwatikwe nngwe le nngwe ya setšhaba e e kailweng mo karolwaneng 1e tshwanetse go nna mothomolaong.
Tikwatikwe ya setšhaba e e mo lefatsheng la Puso, e na le tshwanelo, mo pakeng ya go nna teng ga yona, go nna mo lefatsheng le go dirisa lefatshe le e leng mo go lone mo mabakeng a thuto go tswela tikwatikwe mosola.
Mo karolong e, lefatshe la Pusole akaretsa lefatshe le le tshotsweng mo teraseteng mo boemong jwa morafe ke terasete e e dirilweng ka molao.
Tshwanelo e e kailweng mo karolwaneng 3 e ka lekanyediwa ke Tlhogo ya Lefapha fa tikwatikwe e sa dirisetse lefatshe mabaka a thuto.
b neetse lekgotlatsamaiso la tikwatikwe nako e e lekanetseng go tlhagisa maikutlo a tebang le kgato ya go nna jalo; le c fa a sekasekile ditlhagiso tsa go nna jalo tse di amogetsweng.
Tlhogo ya Lefapha e tshwanetse go tlamela dibebofatsi tse di tshwanetseng go dirisiwa ke tikwatikwe ya setšhaba go dira ditiro tsa yona go ya ka Molao o.
Fa go se na dibebofatsi dipe tse di ka dirisiwang ke tikwatikwe ya setšhaba, Tlhogo ya Lefapha e tshwanetse go kopa lekgotlatsamaiso la sekolo sa setšhaba go letla tikwatikwe ya setšhaba go dirisa dibebofatsi tsa sekolo go ya ka karolo 20 1k ya Molao wa Dikolo tsa Aforika Borwa, 1996 Molao No.84 wa 1996.
f tshireletsego ya sebebofatsi; le g dikamano magareng ga lekgotlatsamaiso la sekolo le lekgotlatsamaiso la tikwetikwe ya setšhaba.
Tlhogo ya Lefapha e tshwanetse go ikgolaganya le lekgotlatsamaiso la tikwatikwe ya setšhaba le le amegang pele pele go tsenwa mo tumalanong e e kailweng mo karolwaneng 3.
Morago ga ditherisano le Khansele ya Ditona tsa Thuto, Tona a ka nne a dira melawana tebang le ditlhokego tsa tumalano e e kailweng mo karolwaneng 3.
Go ya ka karolwana , Mokhuduthamaga, ka kitsiso mo Kaseteng ya Porofense, a ka tshwaraganya ditikwatikwe tse pedi tsa setšhaba kgotsa go feta go nna tikwatkwe e le nngwe ya setšhaba.
d akanya ka gamaikutlo a go nna jalo; le e kgotsofalela gore bathapi ba badiri kwa ditikwatikweng tse di amegang tsa setšhaba ba kgotsofaditse maikarabelo a bone go latela molao wa badiri o o maleba.
Dithoto, melato, ditshwanelo le dipateletsego tsa ditikwatikwe tse di tshwaragantsweng di wela mo tikwatikweng e le nngwe e e kailweng mo karolwaneng 1.
Makgotlatsamaiso a ditikwatikwe tse di kailweng mo karolwaneng 1 a tshwanetse go nna le kopano pele ga tshwaragano go tlhama lekgotlatsamaiso le lengwe la nakwana.
Lekgotlatsamaiso la nakwana le tshwanetse go swetsa ka tekanyetsokabo le dipharologano tsa mokgwa wa maitsholo le dituelo, gammogo le ntlha nngwe le nngwe e e maleba mo tshwaraganong kgotsa e e laoletsweng, go fitlhela go tlhamiwa lekgotlatsamaiso le le lešwa go latela karolo 8.
Lekgotlatsamaiso la tikwatikwe nngwe le nngwe ya setšhaba le le tshwanetseng go tshwaraganngwa ka fa tlase ga karolwana 1, le ka ikuela kwa go Tona kgatlhanong le tshwaragano.
Mokhudutamaga, ka kitsiso mo Kaseteng ya Porofense, a ka tswalela tikwatikwe ya setšhaba.
c nna le ditheetso tsa setšhaba morago ga malatsi a le 90 go tswa ka letlha la kitsiso e e kailweng mo karolwaneng 1 go kgontsha setšhaba go ntsha maikutlo a sona mabapi le kgato ya go nna jalo; le d akanya sentle ka ga ditlhagiso tsa go nna jalo tse a di amogetseng.
Fa tikwatikwe ya setšhaba e tswetswe go latela karolwana 1 dithoto le melato yotlhe ya tikwatikwe ya go nna jalo go tshwanetse ga diranwa le tsona go ya ka molao ke Mokhuduthamaga ka tirisano le lekgotlatsamaiso, mme dithoto dingwe le dingwe tse di setseng morago ga go duelela melato yotlhe, di sala le Puso.
Tikwatikwe ya setšhaba e laolwa ke lekgotlatsamaiso.
Tlekgotlatsamaiso le tshwanetse nna mo maemong a botshepegi mabapi le tikwatikwe.
Tsamaiso ya tikwatikwe ya setšhaba e tshwanetse go diragadiwa ke motsamaisi wa tikwatikwe ka fa tlase ga taolo ya Tlhogo ya Lefapha.
Tikwatikwe nngwe le nngwe ya setšhaba e tshwanetse go tlhoma lekgotlatsamaiso ntle le tikwatikwe ya setšhaba e e kailweng mo karolong 21 (d) ya Molao wa Dikolo tsa Aforika Borwa 1996 (Molao No. 84 wa 1996) kgotsa karolo 9 ya Molao wa Tsweletso ya Thuto le Katiso, 1998 (Molao No. 98 wa 1998).
e momedi mongwe le mongwe wa mokgatlho wa digole, fa go maleba; le f moitseanape mongwe le mongwe mo lephateng la motheo wa thuto le katiso ya bagolo, fa go maleba.
b karolwaneng 3b le tshwanetse go tlhophiwa ke badiri ba e seng barutabana kwa tikwatikweng; le c karolwana 3c le tshwanetse go tlhophiwa ke baithuti kwa tikwatikweng.
Maloko a a kailweng mo karolwaneng 2a, b, d, e ale fba tshwanetse go tseeletsa maloko a a kailweng mo 2c go tswa mo setšhabeng se se direlwang ke tikwatikwe mme maloko a a tseeleditsweng jalo ba ka tlhopha kwa kopanong nngwe le nngwe ya lekgotlatsamaiso.
i modulasetulo wa lekgotlataoo kgotsa leoloko lengwe le lengwe le le supilweng ke ena; kgotsa ii mogokgo kgotsa morutabana mongwe le mongwe yo o supilweng ke ena, wa sekolo sa setšhaba se tikwatikwe e direlang kwa go sona.
b Leloko le le kailweng mo temaneng ya aga le a tshwanela go tlhopha kwa kopanong ya lekgotlatsamaiso.
Lekgotlatsamaiso la tikwatikwe ya setšhaba le dira go ya ka mabaka a molaotheo a a tshwanetseng go dumalana le ditlhokego tse di tlhomamisitsweng ke Mokhuduthamaga ka kitsiso mo Kaseteng ya Porofense.
b go kwala le go tshola metsotso ya dikopano tsa lekgotlatsamaiso; le c go rebola metsotso ya go nna jalo go sekasekiwa ke Tlhogo ya Lefapha.
Lekgotlatsamaiso le tshwanetse go neela Tlhogo ya Lefapha khopi ya molaotheo wa lone malatsi a le 90 morago ga go tlhophiwa ga lone.
Fa tikwatikwe ya setšhaba e tlhomilwe go ya ka karolo 3, taolo ya tikwatikwe eo e nna mo diatleng tsa Tlhogo ya Lefapha go fitlhela lekgotlatsamaiso le tlhomiwa go latela dintlha tsa Molao o.
f mokgwa wa go bala maloko a lekgotlatsamaiso mo karolong nnwe le nngwe e e kailweng mo karolong 83, le gore mokgwa wa go nna jalo o tshwanetse go tlamela kemedi e e siameng ya karolo nngwe le nngwe mme o kgone go ka dirisetswa bogolo le maemo a a farologaneng a ditikwatikwe tsa setšhaba; le g mabaka mangwe le mangwe a a tlhokagalang tebang le ditlhopho, go supiwa kgotsa go tsena tirong ga maloko a lekgotlatsamaiso.
b go le mo kgatlhegelong yasetšhaba; kgotsa c fa a kopilwe go dira jalo ke makgatlataolo a ditikwatikwe tsa go nna jalo, fa go na le makgotlatsamaiso a go nna jalo.
b neela ditlhopha tse di nang le kgatlhego tšhono go dira ditlhagiso tse di kwadilweng mo sebakeng se se seng ka fa tlase ga malatsi a le 30; le c sekaseka ditlhagiso tsotlhe tsa go nna jalo.
Mokhuduthamaga , ka kitsiso mo Kaseteng ya Porofense, o tshwanetse go tlhomamisa tlhamo ya ya lekgotlatsamaiso le le lengwe ka mokgwa o o netefatsang gore tikwatikwe e nngwe le e nngwe e emetswe ka tekatekano.
Lekgotlatsamaiso lengwe le lengwe le le amang ke kitsiso go ya ka karolwana 2 le tswelela go nna teng go fitlhela go tshwarwa kopano ya ntlha ya lekgotlatsamaiso le le tlhamilweng go ya ka karolo e.
p diragatsa ditiro tsotlhe tse di tshwanetseng go dirwa ke lekgotlatsamaiso ka fa tlase ga Molao o; le q diragatsa ditiro tse dingwe tsotlhe tse di nyalelanang le Molao jaaka o tlhomamisitswe ke Tona ka kitsiso mo Kaseteng ya Mmuso, kgotsa ke Mokhuduthamaga ka kitsiso mo Kaseteng ya Porofense.
a barutabana le go thapa barutabana ba tlaleletso mo godimo ga palo e e tlhomamisitsweng ke Mokhuduthamaga go ya ka karolo 5 ya Molao wa Thapo ya Barutabana; le b ba e seng barutabana le go thapa badiri ba e seng barutabana ba tlaleletso mo godimo ga palo e e tlhomamisitsweng go latela Molao wa Bodiredipuso, 1994 Kgoeletso No. 103 ya 1994.
Tikwatikwe ya setšhaba e ka thapa morutabana fela mo phatlhatirong e e kailweng mo karolwaneng 2a fa morutabana wa go nna jalo a ikwadisitse le Khansele ya Barutabana ya Aforika Borwa.
c botlhokwa jwa go siamisa ditshiamololo tse di fetileng; le d botlhokwa jwa kemedi.
Fa le tlhagisa tekanyetsokabo ya ngwaga e e kailweng mo karolong ya 24 lekgotlatsamaiso la tikwatikwe ya setšhaba le tshwanetse go neelana ka dintlha tse di lekaneng ka ga diphatlatiro dingwe le dingwe tse di lebeletsweng go ya ka karolwana 2, go akaretsa ditshenyegelo tse di phopholetswang tse di amanang le go thapiwa ga badiri mo diphatlhatirong tsa go nna jalo le mokgwa o go tshikingwanang gore ditshenyegelo tseo di tla duelwa jang.
Puso ga e rwale maikarabelo a tiro kgotsa tlogelo nngwe le nngwe e e dirilweng ke tikwatikwe ya setšhaba tebang le maikarabelo a yona a konteraka jaaka mothapi tebang le badiri ba ba thapilweng go ya ka karolwana 2.
Morago ga ditherisano jaaka go kailwe mo karolong 5 ya Molao wa Pholisi ya Thuto ya Bosetšhaba, 1996 Molao No. 27 wa 1996, Tona a ka nne a tlhomamisa ditlwaelo le maemo ka kitsiso mo Kaseteng ya Mmuso tebang le matlole a a diriseditsweng go thapa badiri ba ba kailweng mo karolwaneng 2, fela ditlwaelo le maemo a go nna jalo ga a tshwanela go jaaka go dira Puso mothapi wa badiri ba go nna jalo.
Palo ya barutabana ba tikwatikwe ya setšhaba e tlhomamisiwa ke kabo ya diphatlhatiro ke Tlhogo ya Lefapha go tswa mo palong yadiphatlhatiro tsa barutabana ba porofensetse di rebotsweng ke Mokhuduthamaga go ya ka karolo 5 ya Molao wa Thapo ya Barutabana, mme barutabana ba ba thapilweng mo diphatlhatirong tsa go nna jalo ba thapilwe go ya ka mabaka a Molao oo.
Palo ya badiri ba e seng barutabana ba tikwatikwe e tlhomamisiwa go ya ka Molao wa Bodiredipuso, 1994 Kgoeletso No.
a katiso ya go tsenngwa tirong ga makgotlatsamaiso a a sa tswang go tlhophiwago a kgontsha go dira ditiro tsa ona; le b katiso e e tswelelang ya makgotlatsamaiso go tsweletsa bokgoni mo tirong ya ona kgotsa go a kgontsha go dira ditiro tse dingwe tsa tlaleletso.
Tlhogo ya Lefapha e tshwanetse go netefatsa gore motsamaisi wa tikwatikwe le batlhankedi ba bangwe ba lefapha la thuto ba thusa makgotlatsamaiso mo go direng ditiro tsa bone go ya ka Molao o.
Fa lekgotlatsamaiso le feditse kgotsa le reteletswe ke go dira tiro ya lona, Tlhogo ya Lefapha e tshwanetse go phatlhalatsa lekgotlatsamaiso, mme a supe motho a le mongwe kgotsa go feta go dira ditiro tseo sebaka se se sa feteng dikgwedi tse tharo.
Tlhogo ya Lefapha e ka atolosa paka e e kailweng mo karolwaneng 1, dipaka tse dingwe tse di sa feteng dikgwedi tse tharo ka paka, fela pakagotlhe ga e a tshwanela go feta ngwaga o le mongwe.
Tlhogo ya Lefapha e tshwanetse go netefatsa gore lekgotlatsamaiso le tlhophiwa go ya ka Molao o mo sebakeng sa ngwaga morago ga go tlhophiwa ga motho kgotsa batho ba ba kailweng mo karolwaneng 1.
Leloko la lekgotlatsamaiso le tshwanetse go ikgogela morago mo kopanong ya lekgotlatsmaiso sebaka sa dipuisano le go tsaya tshwetso mo ntlheng nngwe le nngwe e a nang le kgatlhego mo go yona ka namana.
Ditshenyegelo tse di tlhokegang tse leloko la lekgotlatsamaiso le tseneng mo go tsona a dira tiro ya gagwe di tshwanetse go duelelwa ke lekgotlatsamaiso.
Ga go na leloko lepe la lekgotlatsamaiso le le tla duelwang ka mokgwa le duelelwa go dira tiro ya lone.
a tlhoma dikomiti, go akaretsa ya khuduthamaga; le b supa batho ba e seng maloko a lekgotlatsamamiso go tsena mo dikomiting tsa go nna jalo ka ntlha ya bokgoni, fela leloko la lekgotlatsamaiso le tshwanetse go nna modulasetulo wa kopano nngwe le nngwe.
Lekgotlatsamaiso la tikwatikwe ya setšhaba e e tlamelang thuto go baithuti ba ditlhokego tse di kgethegileng tsa thuto le tshwanetse go tlhoma komiti ya thuto ya ditlhokego tse di kgethegileng.
Tikwatikwe ya setšhaba e tshwanetse go amogela baithuti mme e tlhokomele ditlhokego tsa bone tsa thuto kwa ga go kgetholola ka mokgwa o o sa siamang ka tsela nngwe.
Kopo ya go amogelwa kwa tikwatikweng ya setšhaba e tshwanetse go romelwa go Tlhogo ya Lefapha ka tsela e e tla bong e tlhomamisitswe ke ena.
Fa kopo e e kailweng mo karolwaneng 2 e gannwe, Tlhogo ya Lefapha e tshwanetse go kwalela moithuti ka ga go ganwa go go jalo le mabaka a teng.
Moithuti mongwe le mongwe yo o gannweng go amogelwa ke tikwatikwe wa setšhaba a ka dira boikuelo kgatlhanong le tshwaetso ya Tlhogo ya Lefapha kwa go Mokhuduthamaga.
Lekgotlakemedi la baithuti kwa tikwatikweng le tshwanetse go tlhomiwa kwa tikwatikweng nngwe le nngwe ya setšhaba.
Mokhuduthamaga, ka kitsiso mo Kaseteng ya Porofense, a ka tlhomamisa dikaelo tebang le go tlhomiwa, go tlhophiwa le ditiro tsa lekgotlatsamaiso la baithuti.
Moithuti mongwe le mongwe kwa tikwatikweng ya setšhaba o tshwanetse ke go obamela molawana wa maitsholo, dikgatokgalemo le dithulaganyo jaaka di ka tlhomamisiwa ke lekgotlatsamaiso go ikaegilwe ka pholisi ya porofense.
Pholisi e e kailweng mo karolwaneng 1 e tshwanetse go dirana ka tota le dikgato tsa go thibela bomorafe, tshotlako ka thobalano le kgarakgatso ya bong.
Molawana wa maitsholo o tshwanetse go nna le ditshiamelo tsa thulaganyo ya go sireletsa dikgatlegelo tsa moithuti mo thulaganyong ya dikgatokgalemo.
Mokhuduthamaga o tshwanetse go tlamela motheo wa thuto le katiso ya bagolo ba setšhaba go tswa mo matloleng a a beetsweng morero o ke peomolao ya porofense ka mokwa o o lekalekanang le ka mokgwa o o sengbofitlha.
a lebaka lengwe le lengwe le le siameng tebang le tlamelo ya matlole a a kailweng mo karolwaneng 1; le b maemo a a farologaneng tebang le ditikwatikwe tse di farologaneng, manane a a farologaneng a motheo wa thuto le katiso ya bagolo, fa go na le lebaka le le siameng tebang le dipharologano tse.
Mokhuduthamaga o tshwanetse gore ngwaga le ngwaga a neelane ka tshedimosetso e e lekaneng mo ditikwatikweng tsa setšhaba mabapi le tlamelo ka matlole e e kailweng mo karolwaneng 1 go kgontsha ditikwatikwe tsa setšhaba go baakanya tekanyetsokabo ya ngwaga o o latelang wa ditšhelete.
Go ya ka Molao wa Pholisi ya Thuto ya Bosetšhaba 1996, (Molao No. 27 wa 1996), , Tona o tshwanetse go tlhomamisa ditlwaelo le maemo a go tlamela ditikwatikwe tsa setšhaba ka matlole, morago ga ditherisano le Khansele ya Ditona tsa Thuto, Tona ya Matlotlo le NABABET.
d madi a a duelwang ke baithuti ba duelela motheo wa thuto le katiso ya bagolo e e tlamelwang ke tikwatikwe; le e matlole a mangwe go tswa kwa metsweding mengwe.
c tshwanetse go neelana ka dikanego tsa tekanyetso ya lotseno le ditshenyegelo go Mokhuduthamaga mo ngwageng mongwe le mongwe wa ditšhelete go ntsha thebolo ya gagwe ka tumalano le Mokhuduthamaga wa Ditšhelete mo porofenseng eo; le d ga le a tshwanela go tsena mo ditshenyegelong tse di fetang madi a a rebotsweng go ya ka ditemana tsa b le c.
Fa Mokhuduthamaga a sa rebole kanego ya tekanyetso ya lotseno le ditshenyegelo, Mokhuduthamaga o tshwanetse go batla gore lekgotlatsamaiso le mo neele tekanyetso e e sekasekilweng mo pakeng e e riling ya nako.
b dikanego tsa lotseno le ditshenyegelo tse di runnweng kgotsa tse di tlhatlhobilweng sentle; le c papetla ya tshalelo le kanego ya tiriso ya madi.
Lekgotlatsamaiso la tikwatikwe ya setšhaba le tshwanetse go tlamela Mokhuduthamaga ka tshedimosetso e nngwe e a ka e kopang.
Lekgotlatsamaiso la tikwatikwe ya setšhaba le tshwanetse go thapa motho yo o kwadisitsweng jaaka mmalatlotlo le moruni go ya ka Molao wa Bommalamatlotlo le Baruni wa Setšhaba, 1991 Molao 80 wa 1991, go runa direkhoto le dikanego tsa matlotlo tse di kailweng mo karolwaneng 1.
a o siametseng go dira tiro ya mmalamatlotlo go ya ka karolo 60 ya Molao wa Ditlamo tse Dinnye, 1984 Molao 69 wa 1984; kgotsa b o rebotsweng ke Mokhuduthamaga tebang le lebaka le.
Go se nne le motho ope yo o nang le dikgatlhegelo tsa matlotlo a tikwatikwe ya setšhaba yo o tla thapiwang ka fa tlase ga karolo e.
If Mokhuduthamaga a bona go le botlhokwa, a ka kopa Morunikakaretso go runa direkhoto le dikanego tsa ditšhelete tsa tikwatikwe ya setšhaba.
Fa lekgotlatsamaiso la tikwatikwe le retelelwa ke go diragatsa dingwe tsa dikaelo tsa Molao o mo kabo go tswa mo mading a a beetsweng kwa thoko ke lekgotlapeomolao la porofense a duelwang tikwatikwe ya setšhaba, kgotsa ka lebaka lengwe le lengwe ntle le fa kabo nngwe le nngwe e duelwa tikwatikwe ya setšhaba, Mokhuduthamaga a ka laela lekgotlatsamaiso go diragatsa dikaelo kgotsa mabaka mo pakeng e e beilweng.
Fa lekgotlatsamaiso morago ga moo le retelelwa ke go diragatsa dikaelo kgotsa maemo ka nako, Mokhuduthamaga a ka tshwara bontlha jwa tuelo e e rebotsweng ke kgotlapeomolao ya porofense tebang le tikwatikwe ya setšhaba e e amegang.
b neela lekgotlatsamaiso la go nna jalo tšhono e e siameng go dira ditlhagiso; le c sekaseka ditlhagiso tsa go nna jalo.
Fa Mokhuduthamaga a tsaya dikgato ka fa tlase ga karolwana 2, o tshwanetse go tlhagisa pegelo mo kokoanopeomolaong ya porofense tebang le kgato kgotsa ka bonako jo bo kgonagalang morago ga go tsaya kgato.
Ka tumalano le karolo 27, motho mongwe le mongwe a ka tlhoma le go tlhokomela tikwatikwe ya poraefete ka ditshenyegelo tsa gagwe.
Ga go motho ope yo o tshwanetseng go tlhoma kgotsa go tlhokomela tikwatikwe ya poraefete ntle le fa e kwadisitswe ke Tlhogo ya Lefapha.
Mokhuduthamaga, ka kitsiso mo Kaseteng ya Porofense o tshwanetse go tlhomamisa mabaka a ka one kwadiso ya tikwatikwe ya poraefete e ka letliwang kgotsa ya gogelwa morago ke Tlhogo ya Lefapha.
b pholisi ya kamogelo ya tikwatikwe ya poraefete ga e kgetholole ka ntlha ya mabaka a bomorafe; le c tikwatikwe ya poraefete e dumalana le maemo a kwadiso a a kailweng mo karolwaneng 2.
b mong wa tikwatikwe ya poraefete ya go nna jalo a filwe tšhono ya go lebisa tlhagiso e e kwadilweng kwa go Tlhogo ya Lefapha gore ke ka ntlha ya eng kwadiso ya tikwatikwe ya poraefete e sa tshwanela go gogelwa morago; le c ditlhagiso tsa go nna jalo tse di amogetsweng di sekasekilwe sentle.
Mong wa tikwatikwe ya poraefete a ka dira boikuelo go Mokhuduthamaga kgatlhanong le go gogelwa morago ga kwadiso ya tikwatikwe ya poraefete ya go nna jalo.
Tona, ka kitsiso mo Kaseteng ya Mmuso, a ka tlhomamisa ditlwaelo le maemo kgotsa mabaka a go tlamela ditikwatikwe tsa poraefete ka diketleetso morago ga ditherisano le Khansele ya Ditona tsa Thuto le Khomišene ya Ditšhelete le Merero ya Ditšhelete.
Mokhuduthamaga, go tswa mo matloleng a a rebotsweng ke kgotlapeomolao ya porofense mabapi le seo, a ka neela tikwatikwe ya poraefete ketleetso ka tumalano le karolwana 1.
Fa mabaka a a kailweng mo karolwaneng 1 a ketleetso e rebotsweng ka fa tlase ga go a dumalanwa ka one, Tlhogo ya Lefapha a ka khutlisa kgotsa a fokotsa ketleetso go tswa ka letsatsi le le tlhomamisiwang ke ene.
b mong wa go nna jalo a filwe tšhono e e ya go dira boikuelo jo bo kwadilweng gore ke ka ntlha ya eng ketleetso e sa tshwanela go kgaolwa kgotsa go fokodiwa; le c ditlhagiso tsa go nna jalo tse di amogetsweng di sekasekilwe sentle.
Mong wa tikwatikwe ya poraefete a ka lebisa boikuelo kwa go Mokhuduthamaga kgatlhanong le kgaolo kgotsa go fokodiwa ga ketleetso kwa tikwatikweng ya go nna jalo.
Mokhuduthamaga ka tumalano le Mokhuduthamaga wa Ditšhelete mo porofenseng eo, a ka dira tumalano le mong wa tikwatikwe ya poraefete ka tsela e e leng gore tikwatikwe ya go nna jalo e dirwa tikwatikwe ya setšhaba.
Kitsiso ya go fetola maemo a a kailweng mo karolwaneng 1 e tshwanetse go phasaladiwa mo Kaseteng ya Porofense.
c mabaka a tshiamelo, mabaka le mokgwa wa tuelo ya ketleetso nngwe le nngwe go tikwatikwe ya go nna jalo; le d mabaka mangwe le mangwe a a amanang le tikwatikwe ya go nna jalo a a ka kgosa a a tshwanetseng go laolelwa go ya ka Molao o.
Ditlhokego tse di farologaneng di ka dirwa ka fa tlase ga karolwana 1 tebang le ditikwatikwe tse di farologaneng.
Mokhuduthamaga o tshwanetse go letla ditlhopha tse di amegang nako e e siameng go tshwaela ka ga ditlhokego dingwe le dingwe tse a ikaelelang go di tlhomamisa ka fa tlase ga karolwana 1.
Netefaletso ya boleng le tsweletso ya motheo wa thuto le katiso ya bagolo e tshwanetse go dirwa jaaka go tlhalositswe mo Molaong wa Netefaletso ya Boleng jwa Thuto le Katiso ka Kakaretso le Go ya Pele, 2001 (Molao No. 58 wa 2001).
NABABET e tshwanetse go eletsa Tona ka ga tsweletso le netefaletso ya boleng.
a sekaseka keletso nngwe le nngwe e e neilweng ke NABABET; le b neela NABABET mabaka a a kwadilweng fa Tona a a sa amogele keletso.
a ntlha e le ya tshoganyetso; kgotsa b NABABETe reteletswe ke go neelana ka keletso mo sebakeng sa malatsi a le 14 morago ga go dirwa ga kopo eo.
a itsise NABABET ka ga kgato ya go nna jalo; le b go neela NABABET mabaka a a kwadilweng ka ga kgato ya go nna jalo.
a NABABET tebang le naga yotlhe; le b Mokhuduthamaga tebang le porofense e e maleba.
Tikwatikwe e tshwanetse go dira gore tshedimosetso e nne teng go ka sekasekwa ke motho mongwe le mongwe, mo e leng gore tshedimosetso eo e batlelwa tirisetso le tshireletso ya ditshwanelo tsa motho wa go nna jalo.
Tikwatikwe nngwe le nngwe e tshwanetse go tlamela tshedimosetso ya go nna jalo ka ga tikwatikwe jaaka go tlhokwa ke Tlhogo ya Lefapha, kgotsa Mokaedikakaretso ka tirisano le Tlhogo ya Lefapha.
Tlhogo ya Lefapha, Mokaedikakaretso le tikwatikwe nngwe le nngwe e e tlamelang motheo wa thuto le katiso ya bagolo e tshwanetse go tlamela tshedimosetso ya go nna jalo ka ga tikwatikwe kgotsa boleng jwa motheo wa thuto le katiso ka fa go ka tlhokwang ka teng ke NABABET.
c lekgotlatsamaiso la tikwatikwe ya setšhaba le reteletswe ke go rarabolola dintlha tse di tlhagisitsweng mo temaneng ya b; kgotsa d go supiwa ga motho yoo go le mo kgatlhegelong ya motheo wa thuto le katiso ya bagolo mo setšhabeng sa demokerasi e e bulegileng.
b kwalela pegelo kwa go Mokhuduthamaga ka ga diphitlhelelo tsa dipatlisiso tsa gagwe; le c tshisinya dikgato tse di maleba go rarabolola bothata.
Mokhuduthamaga o tshwanetse gore ka bonako jo bo kgonagalang a neele lekgotlatsamaiso le le amegang khopi ya pegelo e e kailweng mo karolwaneng 2.
Lekgotlatsamaiso la tikwatikwe ya setšhaba ka tetla ya Mokhuduthamaga le ka kitsiso mo Kaseteng ya Porofense , le ka fetola leina la tikwatikwe ya setšhaba.
b a neela borutegi jo bo bontshang bo neetswe ke tikwatikwe, kgotsa ka tirisano le tikwatikwe; kgotsa c a bontsha a drela tiwatikwe, o na le molato wa tlolomolao mme o tshwanetse ke kotlhao ya katlholelo nngwe le nngwe e e ka nnang ya tsietso.
Motho mongwe le mongwe yo o dirang jaaka e kete o neetswe borutegi ke tikwatikwe fa tota a sa neelwa borutegi jwa go nna jalo, o molato wa tlolomolao mme o tshwanetse ke kotlhao ya katlholelo nngwe le nngwe e e ka nnang ya tsietso.
Motho mongwe le mongwe yo o tlolang karolo 271, o molato wa tlolomolao mme o tshwanetswe ke katlholo ya faene kgotsa go ya kgolegelong sebaka se se sa feteng dingwaga di le tlhano kgotsa ka bobedi faene e e jalo le go ya kgolegelong.
Puso, NABABET kgotsa motho mongwe le mongwe yo o thapilweng go ya ka Molao o ga a rwale maikarabelo a go timelelwa kgotsa tshenyegelo ya motho mongwe le mongwe ka ntlha ya tiro e e dirwang kgotsa e e sa dirwang ka boikanyego ke motho yo o thapilweng go ya ka Molao o.
b Modiri mongwe le mongwe wa Lefapha; kgotsa c Mokgatlho mongwe le mongwe wa Puso.
a Modiri mongwe le mongwe mo lefapheng la porofense le le rweleng maikarabelo a thuto le katiso; kgotsar b mokgatlho wa puso.
Mokaedikakaretso, ka mabaka a a ka a tlhomamisang, a ka rolela dithata tsa gagwe ka fa tlase ga Molao o le tiragatso nngwe le nngwe ya ditiro tsa gagwe ka fa tlase ga Molao o go modiri mongwe le mongwe mo Lefapheng.
Tlhogo ya Lefapha, ka mabaka a a ka a tlhomamisang, a ka rolela dithata tsa gagwe ka fa tlase ga Molao o le tiragatso nngwe le nngwe ya ditiro tsa gagwe ka fa tlase ga Molao o go modiri mongwe le mongwe mo lefapheng la thuto la porofense.
Kemedi go ya ka Molao o ga e thibele Tona, Mokhuduthamaga, Mokaedikakaretso kgotsa Tlhogo ya Lefapha, ka fa go ka tswang go le ka teng, mo go diragatseng dithata tsa go nna jalo kgotsa go dira ditiro tsa go nna jalo.
a ntlha nngwe le nngwe e Tona le Mokhuduthamaga ba nang le dithata kgotsa go batlegang gore ba e laolele go ya ka melawana ya Molao o; le b ntlha nngwe le nngwe e go tlhokegang melawana kgotsa e leng botlhokwa go fitlhelela maikaeleo a Molao o.
Tikwatikwe nngwe le nngwe ya motheo wa thuto le katiso ya bagolo e e ntseng e le teng pele ga tshimologo ya Molao o, e tshwanetse go tsewa jaaka e tlhomilwe go ya ka Molao o.
Lekgotla kgotsa mokgatlho mongwe le mongwe o o ntseng o le teng kwa tikwatikweng ya setšhaba pele ga tshimologo ya Molao o o tswelela go dira go fitlhela o emelwa ke mokgatlho o o kailweng mo Molaong o.
Karolo 38 ga e dire mo mothong yo o neng a tlamela manane a motheo wa thuto le katiso ya bagolo kwa tikwatikweng ya poraefete fela pele ga letlha la tshimologo ya Molao o go fitlhela ka letlha le le tlhomamisistweng ke Mokhuduthamaga ka kitsiso mo Kaseteng ya Porofense.
Molao o, o bidiwa Molao wa Motheo wa Thuto le Katiso ya Bagolo, 2000.
<fn>tsn_Article_National Language Services_MOLAO WA BADIRI WA 1995.txt</fn>
Komišinara ga a tshwanela go akaretsa taolo e e mabapi le ditshenyegelo mo thebolong ya katlholo, fela a ka dira jalo fa lekoko kgotsa motho yo o emetseng lekoko leo mo ditshekatshekong tsa katlholo le itshotse ka mokgwa o o sa siamang ka motsi wa ditshekatsheko tsa katlholo.
Dikaelo tse di kgethegileng ka ga dikatlholo tse di mabapi le diteleko tse di amang mabaka a a lebaganeng le maitsholo kgotsa bokgoni.
i boleng jwa dipotso tsa molao tse di tlhodiwang ke kgotlhang, ii tharaano ya kgotlhang, iii kgatlhego ya setšhaba, le iv papiso ya bokgoni jwa makoko a a ngangisanang kgotsa baemedi ba ona mabapi le go samasana le katlholo ya kgotlhang.
Fa , go ya ka karolo ya bo 1941, komišinara a fitlhela gore teleko ga se e e siameng, komišinara a ka kopa mothapi go duela madi a katlholo.
Fa dikaelo tsa karolwana1a di dira , komišinara a ka dira thebolo e Kgotlatshekelo ya Badiri e ka bong e e dirile.
i tsena le go tlhatlhoba moago mongwe o ka mo go ona buka, tokomane kgotsa selo, se se malebana le tharabololo ya kgotlhang se ka fitlhelwang kgotsa ka mabaka a a utlwagalang go belaelwa se ka fitlhelwa ka mo go ona, le g fa motho ka bomo a kgoreletsa komišinara go dira tiro e e neetsweng ke Molao o kgotsa go ya ka Molao o, h Fa motho a tlhapatsa, kgobotla kgotsa a nyatsa komišinara, kgotsa a gobelela kgotsa a tlhotlheletsa ditshekatsheko ka tsela e e sa siamang kgotsa a bonela pele thebolo a ga komišinara ka tsela e e sa siamang, i Ka bomo a kgoreletsa ditshekatsheko tsa go letlanya kgotsa tsa go atlhola kgotsa a itshola bobe ka mokgwa mongwe ka nako ya ditshekatsheko, j Go dira sengwe se se mabapi le Khomišene se, fa se diriwa mabapi le kgotla ya molao, se ka bo se kailwe fa e le go nyatsa kgotlatshekelo.
Khomišene e ka fetisetsa lonyatso kwa Kgotlatshekelong ya Badiri go bona taolo e e maleba.
Thebolo ya katlholo e e ntshiwang ke komišinara e ka se ke ya fetolwa e bile e a tlama gape e ka diriwa taolo ya Kgotlatshekelo ya Badiri go ya ka karolo ya bo 158 (c), se, se ka se diragale fa e le gore ke thebolo ya katlholo ya kgakololo.
Fa thebolo ya katlholo e laela lekoko go duela madi, madi ao a tlile go tsala merokotso go simolola ka letlha la thebolo ka kelo e e tshwanang le e e beilweng nako le nako ya katlholo ya molato go ya ka karolo ya bo 2 ya Molao o o Beilweng wa Kelo ya Merokotso, wa 1975 Molao wa bo 55 wa 1975, se, se ka se diragale fa e le gore thebolo e kaya sengwe se se kwa thoko.
a e e fitlheletsweng ka phoso kgotsa e e dirilweng lekoko le le amiwang ke thebolo eo le se teng.
b mo go fitlhelwang gore go na le bokaopedi , kgotsa phoso e e bonagalang kgotsa tlhokomologo, fela go lebilwe bogolo jwa bokaopedi joo, phoso kgotsa tlhokomologo, kgotsa c thebolo e e neetsweng ka ntlha ya phoso e e amang makoko a a leng mo ditshekatsheko.
a selekano sa dibeke di le thataro morago ga letlha la thebolo e e reboletsweng mokopi, se se ka se diragale fa e le gore phoso e ama tshenyego, kgotsa b fa e le gore phoso e ama tshenyego, selekano sa dibeke di le thataro morago ga letlha le mokopi a lemogileng tshenyego ka lona.
i e tlotse molao mabapi le ditiro tsa ga komišinara jaaka moatlhodi, ii e dirile tlolo-molao e e botlhaswa mabapi le ditshekatsheko tsa katlholo, kgotsa iii e fetisitse dithata tsa ga komišinara b le gore thebolo ga e aka ya fitlhelelwa sentle.
Modiri mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya gore a se ke a lelekiwa ka tsela e e sa siamang.
i a tsee khunologo ya bosadi go ya ka molao mongwe le mongwe, kutlwano e e kopanetsweng kgotsa konteraka ya tiro; kgotsa ii o ne a sa tla tirong selekano sa dibeke tse nne pele ga letlha le le solofetsweng, le selekano sa dibeke tse robedi morago ga letlha la pelego ya ngwana, d mothapi yo o lelekileng badiri ba ba mmalwa ka ntlha ya mabaka a a tshwanang o itlhphela go thapa a le mongwe kgotsa go feta gape mme o gana go thapa ba bangwe gape, kgotsa e modiri o khutlisitse konteraka ya tiro ka kitsiso kgotsa kwa ntle ga kitsiso ka gonne mothapi o ne a tswelela go dira gore modiri a seke a kgona go itshokela tiro.
Karolo ya bo 5 e neela ditshireletso mabapi le tshwanelo ya kgololosego ya botsalano le mo malokong a diforamo tsa kwa tirong.
Kgaolo ya bo IV e dira ka kgato ya kwa madirelong le boitsholo mo go eme nokeng kgato ya kwa madirelong.
'' Mothapi ga a tshwanela go leleka modiri ka gonne a nnile le seabe mo go ikgatholoseng tiro go go sireletsegileng kgotsa boitsholo jwa go akanya ka ga sona kgotsa mo go tswelediseng pele go ikgatholosa tiro go go sireletsegileng.
Karolwana ya bo 4 ga e thibele mothapi go leleka modiri sentle ka go obamela dikaelo tsa Kgaolo ya bo VIII mabapi le lebaka le le lebaganeng le boitsholo jwa ga modiri ka motsi wa go ikgatholosa tiro, kgotsa mabapi le lebaka le le lebaganeng ditlhokego tsa tsamaiso tsa ga mothapi.
Motho mongwe le mongwe yo o nnang le seabe mo kgatong ya ngongorego kgotsa mo boitsholong jwa go akanya ka ga seo kgotsa mo go tswelediseng pele kgato ya ngongorego e e obamelang karolwana ya bo o bona tshiamelo ya ditshireletso tse di neetsweng ke karolo ya bo 67.
go nna le seabe mo ditshekatshekong go ya ka Molao o, e boimana jwa modiri, boimana jo bo ikaeletsweng, kgotsa lebaka lengwe le lengwe le le ka ga boimana, f gore mothapi o ne a kgetholola modiri ka tlhamalalo kgotsa e seng ka tlhamalalo , ka boithatelo , go akaretsa lotso, bong, bong, tlholego ya semorafe, kgotsa tlholego ya loago, mmala, tsa bong, dingwaga, bogole , bodumedi, segakolodi, tumelo, kakanyo ya sepolotiki, setso, puo, kemo ya nyalo kgotsa maikarabelo a lolapa le tse dingwe.
a teleko e ka nna e e siameng fa fela lebaka la teleko le lebagane le tlhokego e e leng teng ya tiro e e rileng , b teleko e e lebaganeng le dingwaga e siame fa e le gore modiri o fitlheletse dingwaga tsa tholotiro tse di tlwaelegileng kgotsa dingwaga tse di utlwanetsweng tsa tholotiro mabapi le batho ba ba thapilweng ka tsela eo.
g le lebagane le boitsholo jwa modiri kgotsa bokgoni jwa gagwe, kgotsa ii le lebagane le ditlhokego tsa tiro tsa ga mothapi, le b gore teleko e ne ya tsenngwa tirisong ka go latela tsela e e siameng.
Motho mongwe le mongwe yo o akanyang gore lebaka la teleko ke le le siameng kgotsa ke le le sa siamang kgotsa teleko e ne ya tsenngwa tirisong ka go latela tsela e e siameng kgotsa nnyaa o tshwanetse go ela tlhoko melawana ya tiriso e e siameng e e rebotsweng go ya ka Molao o.
a motho mongwe le mongwe yo mothapi a tshwanetseng go rerisana le ena mabapi le kutlwano e e kopanetsweng, b fa e le gore ga go na kutlwano e e kopanetsweng e e tlhokang therisano, foramo ya mo tirong e a dirisiwa fa e le gore badiri ba go nang le kgonagalo ya gore ba ka amiwa ke diteleko tse di tshitshinngwang ba thapilwe mo tirong fa e le gore go na le foramo ya mo tirong, c fa e le gore ga go na foramo ya mo tirong kwa lefelong la tiro kwa badiri ba go nang le kgonagalo ya gore ba ka amiwa ke diteleko tse di tshitshintsweng ba dirang kwa teng, mokgatlho wa badiri o maloko a ona a nag le kgonagalo ya gore a ka amiwa ke diteleko tse di tshitshintsweng o ka dirisiwa, d fa e le gore ga na mokgatlho wa badiri wa mofuta oo, badiri ba go nang le kgonagalo ya gore ba amiwa ke diteleko tse di tshitshintsweng ba ka dirisiwa kgotsa baemedi ba bona ba ba tlhophilweng go ka dira tiro eo.
Dikaelo tsa karolo ya bo 16 di a dira, di buisiwa le diphetogo tse di tlhokiwang ke diteng, mabapi le tshenolo ya tshedimosetso go ya ka karolwana ya bo.
<fn>tsn_Article_National Language Services_MOLAO WA BATLHANKEDI BA BOITEKANELO BA SETSO (2004).txt</fn>
kitsiso e neelwa go ya ka karolo 7(c), (e),(h) le (i) ya Molao wa Batlhankedi ba Boitekanelo ba Setso, 2004 (Molao No 35 wa 2004) (o o bidiwang "Molao"), gore Tona ya Boitekanelo e laletsa ditlhopho tsa batho jaaka bontlhopheng malebana le tlhomo ya Khansele ya nakwana ya Batlhankedi ba Boitekanelo ba Setso (e e bidiwang "Khansele").
Karolo 7 ya Molao e tlhagisa tlamelo ya tlhomo ya Khansele e e nang le maloko a le 22 a a thapiwang ke Tona.
c temana h ya karolo 7 ya Molao e kopa baemedi ba le bararo ba baagi go thapiwa jaaka maloko a Khansele; gape d temana i ya karolo 7 ya Molao e kopa motlhankedi wa boitekanelo wa setso a le mongwe go tswa mo karolong nngwe le nngwe ya batlhankedi ba boitekanelo ba setso, sk. ngaka ya sedupe, ngaka, Mothusi wa boitekanelo ba setso le Moari wa setso.
Motho yo o thapilweng jaaka leloko la Khansele go ya ka karolo 7(c) le (i) ya Molao o tshwanetse a bo a nnile mo tirong mo go seng ka fa tlase ga dingwaga di le 5 e le motlhankedi wa boitekanelo ba setso kgotsa mo karolong e a e emetseng.
Ditlhopho tsa bontlhopheng mabapi le thapo go ya ka karolo 7(c) ya Molao di tshwanetse go romelwa kwa go Mokhuduthamaga yo o rweleng maikarabelo a boitekanelo mo porofenseng e mo go yona motlhankedi wa boitekanelo wa setso a dirang.
Ditlhopho tsa bontlhopheng malebana le thapo go ya ka karolo 7(e), (h) le (i) ya Molao di tshwanetse go romelwa kwa go Tona ya Boitekanelo.
Ditlhopho di tshwanetse go romelwa ka mokgwa o o tlhagelelang mo Mametlelelong ya melawana e e amanang le thapo ya maloko a Khansele e e tlhagisitsweng ka fa tlase ga Molao.
b ditlhopho tsa bontlhopheng malebana le thapo go ya karolo 7e, h le i ya Molao di tshwanetse go lebisiwa kwa go Tona ka poso, le go tshwaiwa tlhokomelo ya Moh T.
<fn>tsn_Article_National Language Services_MOLAO WA BATLHANKEDI BA BOITEKANELO BA SETSO WA 2004.txt</fn>
Tona ya Boitekanelo e ikaelela, go ya ka karolo 7 ya Molao wa Batlhankedi ba Boitekanelo ba Setso, 2004 (Molao No 35 wa 2004), buisa le karolo 14 ya Molao wa Tlhaloso, 1957 (Molao No. 33 wa 1957) go dira melawana e e tlhagelelang mo Mametlelelong.
Molao" o kaya Molao wa Batlhankedi ba Boitekanelo ba Setso, 2004 (Molao No. 35 wa 2004); e bile motlhankedi wa boitekanelo ba setso" o kaya motho yo mo sešweng a dirang tiro ya boitekanelo ba setso jaaka go tlhalositswe mo Molaong.
Malebana le go thapa maloko a a akanngwang mo ditemaneng c, e, h le i tsa karolo 7 ya Molao, Tona e tshwanetse ka kitsiso mo Kaseteng le ka papatso mo makwalongdikgang a le mabedi ka phasalatso ya bosetšhaba le ya kgaolo go laletsa ditlhopho tsa batho ba ba tshwanetseng go sekasekelwa thapo ya mo Khanseleng.
Kitsiso e e akanngwang mo molawanengpotlana 2 e tshwanetse go tlhagisa ditlhokego tsa tshekatsheko ya thapo jaaka leloko le paka e ka yona Tona e tshwanetseng go amogela ditlhopho tseo.
a karolo 7c ya Molao di tshwanetse go romelwa kwa go Mokhuduthamaga yo o rweleng maikarabelo a boitekanelo mo porofenseng e mo go yona motlhankedi yo o tlhophilweng wa boitekanelo ba setso a dirang mo go yona; le b ditemana e, h le i tsa karolo 7 ya Molao di tshwanetse go romelwa go Tona.
Ditlhopho di tshwanetse go romelwa ka mokgwa o o tlhagisiwang mo Mametlelelong ya Melawana e.
Khansele ya Diporofešene tsa Boitekanelo ya Aforika Borwa le Khansele ya Dikhemisi ya Aforika Borwa di tshwanetse go romela ditlhopho tsa batho ba ba tshwanetseng go sekasekiwa go thapiwa mo Khanseleng go ya ka karolo 7f le g, ka botsona, ya Molao, mo sebakeng sa malatsi a le 30 go simolola ka letlha la kopo ya lekwalo ya Tona.
Mokhuduthamaga yo o rweleng maikarabelo a boitekanelo mo porofenseng o tshwanetse go romela maina a le mararo a batlhankedi ba boitekanelo ba setso go sekasekiwa go thapiwa ke Tona go ya ka karolo 7c ya Molao.
Fa Tona e sa amogele tlhopho mo karolong e e rileng kgotsa palo e e sa lekanang ya ditlhopho mo pakeng e e rileng mo taletsong, Tona e ka thapa palo e e tlhokegang ya batho ba ba leng maleba go ka thapiwa go ya ka karolo 7 ya Molao, kgotsa ya kopa ditlhopho tse dingwe mabapi le ntlha eo.
Motho yo leina la gagwe le rometsweng go ya ka molawanapotlana 5 mabapi le thapo go ya ka karolo 7i ya Molao, o tshwanetse a bo a ne a dira mo karolong eo mo pakeng e e seng ka fa tlase ga dingwaga di le tlhano pele ga thapo e e akanngwang jaaka leloko.
Tona e tshwanetse go phasalatsa ka mo Kaseteng maina a maloko a a thapilweng mo Khanseleng le letlha la tshimologo ya paka ya bona le paka ya tiro.
Ke ikana gore ke dumela go amogela tlhopho e e fa godimo e bile ke teng go dira mo Khanseleng ya Nakwana ya Batlhankedi ba Boitekanelo ba Setso fa Tona ya Boitekanelo e ka swetsa go nthapela tiro e.
Nna, (maina ka botlalo a motho yo o tlhophang le tiro) ke ikana gore tshedimosetso e e neetsweng fa godimo ke ya boammaruri, e bile ke tlhaloganya gore ke thata ya Tona go thapa maloko a Khansele ya Nakwana ya Boitekanelo ba Setso.
<fn>tsn_Article_National Language Services_MOLAO WA INSORENSE YA BOTLHOKATIRO (2001).txt</fn>
Go tlhama Letlole la Inšorense ya Botlhokatiro; go tlamelela tuelo go tswa mo Letloleng, ya ditshiamelo tsa botlhokatiro go badiri bangwe, le dituelo ts a bolwetse, botsetse, botsadi-ka-tsholo gammogo le ditshiamelo tsa baikaegi tse di malebana le go tlhoka tiro ga badiri ba go nna jalo; go tlamelela go tlhamiwa ga Boto ya Inšorense ya Botlhokatiro, ditiro tsa Boto gammogo le go abela Mokommisinara wa Inšorense ya Botlhokatiro tiro, le go tlamelela merero e mengwe e e amanang le seno.
Lereo "CCMA" le kaya Komišene ya..
a. yo o dirang gongwe yo o neng a dira b. yo o angwang ke Molao ono go ya ka karolo 3; mme gape c.
a. modiri wa tshingwana b. motho yo o thapilweng mo legaeng jaaka mokgweetsi wa sejanaga; le c. motho yo o tlhokomelang motho mongwe mo legaeng leo, fela seno ga se akaretse badiri ba dipolase.
a. motlhatlhobi yo o thapilweng ka fa tlase ga karolo 63 ya Molao wa Seemo sa theo sa Thapo, 1997 (Molao wa bo75 wa 1997); kgotsa b.
lereo "kgwedi" le kaya paka ya go tloga ka letsatsi la ntlha la kgwedi go ya go letsatsi pele ga le le tshwanang ka palo le la letsatsi leo mo kgweding e e latelang, go akareditswe malatsi ao ka bobedi, sekai 10 Mopitlwe go ya go 9 Moranang.
lereo "beke" le kaya paka nngwe le nngwe ya malatsi a le supa a a tlhomaganeng.
Maikaelelo a Molao ono ke go tlhama letlole la inšorense ya botlhokatiro le bathapi le badiri ba tla ntshang seabe mo go lona mme badiri ba ba felelwang ke tiro mmogo le bamalapa a bona, go ya ka seemo sa nako eo, ba tla nnang le ditshiamelo mo go lona, mme ka go dira jalo go fokodiwa ditlamorago tse di seng monate tsa botlhokatiro mo ikonoming le mo loagong.
ntle le karolwana ya 1, Molao ono o tla simolola go dira mo badiring ba legae mmogo le badiri ba paka mmogo le bathapi ba bona mo sebakeng sa dikgwedi di le 12 morago ga gore Molao o tsenngwe tirisong.
a Tona o tshwanetse gore ka bonako jo bo kgonegang morago ga gore Molao ono o tsenngwe tirisong, a rebole gongwe a thape bothati jo bo tla dirang dipatlisiso le dikatlenegiso tebang le tsamaiso ya Molao ono mo badiring ba legae mmogo le badiri ba paka.
b Dipatlisiso di tshwanetse go konosediwa mo sebakeng sa dikgwedi di le 12 go tloga ka letlha le karolo eno e tsenngwang tirisong ka lona.
c Tona o tshwanetse go buisana le Boto tebang le ditlamorago tsa dipatlisiso.
Letlole la Inšorense ya Botlhokatiro le tlhamilwe ka go riana.
h dithoto dingwe le dingwe, e ka nna tse di ka sutisiwang, gongwe tse di sa suteng, tse di rekilweng gongwe Letlole le di amogetse ka mokgwa mongwe; mmogo le i tshelete nngwe le nngwe e Letlole le ka nnang le tshwanelo mo go yona.
c dituelo tsa- idituelo le ditshwanelo go ditokololo tsa Boto ya Inšorense ya Botlhokatiro mmogo le dikomiti tsa yona; mmogo le ii ditshenyegelo dingwe le dingwe tse di bonalang le tse di amanang le go tsenngwa tirisong ga Molao ono.
Go kgobokanyetsa Letlole matlole ka mokgwa wa go adima tšhelete le ditlamelo tsa banka tsa kgogophetiso, go tshwanetse go dirwa go ya ka Molao wa Tsamaiso ya Ditšhelete tsa Setšhaba wa 1999, (Molao wa bo1 wa 1999).
Tšhelete ya Letlole, ntle le tšhelete e e tlhokegang go fitlhelela ditshenyegelo tsa ga jaana tsa Letlole, e ka tsenngwa mo boemong jwa Letlole, ke Mokaedi-Kakaretso mo Bakomisinareng ba Dipeeletso tsa Setšhaba gore e beelediwe go ya ka Molao wa Bakomisinara ba Dipeeletso tsa Setšhaba wa 1984 (Molao wa bo45 wa 1984).
Dipoelo tsotlhe tsa dipeeletso di golela Letlole mme ditatlhegelo le tsona di rwalwa ke Letlole.
Motho mongwe le mongwe, setheo, setlamo gongwe mokgatlho kgotsa setheo sa ditšhelete gongwe sa mofuta mongwe, se ka dira dikabelo gongwe go abela Letlole boswa.
Mokaedi-Kakaretso a ka amogela dikabelo gongwe dikabelo tsa boswa mo boemong jwa Letlole.
Mokaedi-Kakaretso o tshwanetse go thapa mogakolodi wa setlamo sa insorense yo e leng tokololo ya Mokgatlho wa Bagakolodi ba Inšorense wa Aforika Borwa gongwe yo o tla tlhokomelwang ke tokololo ya Mokgatlho gore a dire ditiro tse di reboletsweng mogakolodi mo Molaong ono.
Mo sebakeng sa dikgwedi tse pedi morago ga bokhutlo jwa ngwaga nngwe le nngwe ya ditšhelete, mogakolodi wa setlamo sa insorense o tshwanetse go sekaseka seemo sa ditšhelete sa Letlole sa ngwaga oo wa ditshelete mme a tlhagise pegelo ya tshekatsheko go Mokaedi-Kakaretso.
d dikatlenegiso ka ga tlhokomelo gongwe tokafatso ya seemo sa ditšhelete sa Letlole.
a di le dikgolo go feta jaaka go tlhokega go kgona go duela ditshiamelo; kgotsa b di sa lekana gongwe di oketsega ka kelo e e lekaneng go fitlhelela dituelo tsa ditshiamelo tse di ka solofelwang.
Mokaedi-Kakaretso a ka tlhagisa pegelo e e kabakanngwang mo karolwaneng 1 fa fela a sena go buisana le Boto le mogakolodi wa inšorense ka ga diteng tsa pegelo.
Tebang le pegelo e e kabakanngwang mo karolwana 1b, Tona a ka kopa Tona ya Ditšhelete go atolosa tekanyetsokabo ya bosetšhaba ka mokgwa o o kabakantsweng mo dikarolong tsa 16 le 30 tsa Molao wa Tsamaiso ya Tšhelete ya Setšhaba wa 1999 Molao wa bo1 wa 1999, gore go thibiwe fa go dirisitsweng tšhelete e e fetang e e neng e le gona ya Letlole.
Kwa ntle ga karolo 49 go ya go ya Molao wa Tsamaiso ya Tšhelete ya Setšhaba wa 1999 (Molao wa bo1 wa 1999), Mokaedi-Kakaretso ke motlhankedi yo o ikarabelang mo go tsholeng matlotlo a Letlole.
a Kwa tshimologong ya ngwaga nngwe le nngwe wa ditšhelete, Mokomisinara o tshwanetse go isa leano la kgwebo kwa Lephateng la Bosetšhaba la Matlole.
bTona o tshwanetse go rulaganya leano la kgwebo le le tsamaelanang le la Mokaedi-Kakaretso le Mokomisinara, mme ba tshwanetse go thusiwa ke mogakolodi wa inšorense le Boto.
j tshelete nngwe le nngwe e e phimotsweng go ya ka karolo 588; le k morero mongwe le mongwe o o rebotsweng ke Tona.
c Ditshwanelo tsa botsetse tse di kabakanngwang mo Karolo E ya Kgaolo eno; le d Ditshwanelo tsa baikaegi tse di kabakanngwang mo Karolo F ya Kgaolo eno.
Sekai sa ditshiamelo tse moabi a nang le tshwanelo ya tsona jaaka di fitlhelwa mo Mametlelelo 3, jaaka di tlhakanyeditswe mo Lenaneong.
(a)Tona, ka tumelano le Tona ya Matlotlo, le ka kitsiso mo Kaseteng, le go ya ka karolwana , a ka fetola ditshiamelo tse di fitlhelwang mo Lenaneo 3 go tsamaelana le kelo e e kwa godimo ya tuelo ya kgwedi ya modiri yo o nang le bokgoni, yo o dirang ka diatla jaaka go rebotswe ke Kokoano ya Tshireletsego ya Loago (Seemo se se lekanyeditsweng), 1953 (Kokoano ya bo102) ya Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Badiri.
bKelo ya ditshiamelo e e kabakanngwang mo temeng a e ka farologana magareng ga palogodimo ya 60% ya dituelo tsa baabi ba letseno le le kwa tlase gammogo le kelo e e kwa tlase ya tuelo go baabi ba lotseno le le kwa godimo, jaaka go tla laolwa ke ditekanyetso tse di tlhagisitsweng mo Lenaneong.
tlamelo ya ditshenyegelo tse di malebana le go tsenngwa tirisong ga Molao ono; le iv tlamelo ya ditlhokego tse di sa lebelelwang; le c go ikobela thulaganyo e e tlhagisitsweng mo karolo 55, ka diphetogo tse di tlhokegang go ya ka seemo.
Fa tuelo ya moabi e ya godimo le tlase mo dipakeng tse di farologaneng, go tshwanetse ga tlhakanyediwa go lebeletswe palogare ya tuelo e moabi a e duetsweng mo pakeng ya dikgwedi di le thataro tse di fetileng.
Go lebeletswe karolwana 5, ditshwanelo tsa moabi tsa go bona ditshiamelo go ya ka Kgaolo eno di gola ka kelo ya tshiamelo ya letsatsi le le lengwe mo malatsing mangwe le mangwe a le marataro a a wetsang mo tirong jaaka moabi mme seno se laolwa gape ke koketsego ya malatsi a ditshiamelo a le 238 mo pakeng ya dingwaga di le nne e e tlang pele fela ga letlha la kopo ya ditshiamelo go ya ka Kgaolo eno, go ntshiwa malatsi a ditshiamelo tse di ka neng di amogetswe ke moabi mo pakeng eno.
Modiri wa sekepe sa dithoto a amogetse tuelo go ya ka karolo 140 ya Molao wa Dikepe tsa Dithoto wa 1951 Molao wa bo57 wa 1951.
Malatsi a ditshiamelo a moabi a nang le ditshwanelo tsa ona go ya ka karolwana 3 ga a tshwanela go fokodiwa ke dituelo tsa ditshiamelo tsa botsetse go ya ka Karolo D ya Kgaolo eno.
Kgato 1 - Lekanyetsa palo ya malatsi a ditshiamelo a mo go ona modiri a neng a thapilwe jaaka moabi mo pakeng ya dingwaga di le nne e e tlang fela pele ga letlha la kopo ya ditshiamelo go ya ka Kgaolo eno.
Kgato 2 - Arola palogotlhe ya malatsi ka 52 mme o atise ka supa mme o ikgatholose karolwana nngwe le nngwe ya palo e e setseng.
Kgato 3 - Ntsha go tswa mo tšheleteng eno, malatsi mangwe le mangwe a ditshiamelo (go sa akarediwe ditshiamelo tsa botsetse) a tšhelete ya ona e amogetsweng mo pakeng ya dingwaga di le nne e e tlang fela pele ga letlha la kopo ya ditshiamelo go ya ka Kgaolo eno.
Kgato 4 - Palo e e salang e lekanyetsa malatsi a ditshiamelo a moabi a nang le ditshwanelo tsa ona.
ba retelelwa ke go ikobela ditlamelo dingwe tsa Molao ono kgotsa molao mongwe o mongwe o o amanang le botlhokatiro; kgotsa ca sekegilwe nakwana mo go amogeleng ditshiamelo go ya ka karolo 361.
Go tsweletsa Karolo eno, paka nngwe le nngwe ya botlhokatiro e tshwanetse go tlhakanyediwa go tloga ka letlha la go tlhoka tiro.
Letsatsi le le kabakanngwang mo karolwana 1 le ka sutisediwa kwa letlheng la pele ga kopo fa motlhankedi yo o amogelang dikopo tsa tuelo a ka ikgotsofatsa gore tiego nngwe le nngwe ya go tlhagisa kopo e bakilwe ke mabaka a a seng ka fa tlase ga taolo ya moabi.
cmoabi o kwadisitswe jaaka motho yo o batlang tiro le setheo sa badiri se se tlhamilweng ka fa tlase ga Molao wa Tlhabololo ya Bokgoni wa 1998 Molao wa bo97 wa 1998; le dgo latela karolwana 3, moabi a ka kgona le gona a ka nna gona go ka dira.
a moabi a retelelwa ke go itlhagisa ka dinako le matlha a a rebotsweng ke motlhankedi wa ditopotuelo go ya ka karolo 174d; kgotsa bmoabi a gana ntle le mabaka a a utlwalang go tsenela katiso le kgakololo ya tiro gore a thapiwe ka fa tlase ga sekema sengwe le sengwe se se rebotsweng ke Mokaedi-Kakaretso go ya ka Molao ono, gongwe molao mongwe le mongwe.
Ntle le karolwana 1d mme go lebeletswe karolo 201a, moabi yo o lwalang fa a ntse a amogela ditshiamelo tsa botlhokatiro, o nna a siametswe ke ditshiamelo tsa botlhokatiro fa e le gore motlhankedi wa ditopotuelo o kgotsofetse gore bolwetse ga bo kitla bo ama tshono ya moabi ya go bona tiro.
Kopo ya ditshiamelo tsa botlhokatiro e tshwanetse go dirwa mo foromong e e rebotsweng kwa kantorong ya go thapa.
Kopo e tshwanetse go dirwa mo sebakeng sa dikgwedi di le thataro morago ga go khutlisiwa ga konteraka ya tiro, fela Mokomisinara a ka amogela kopo e e dirilweng morago ga paka ya dikgwedi di le thataro e sena go feta fa go na le mabaka a a kgotsofatsang.
Motlhankedi wa ditopotuelo o tshwanetse go batlisisa kopo mme, fa go tlhokega, a kope tshedimosetso e nngwe tebang le go tswelela go tlhoka tiro ga mokopi.
cgo rebola tuelo ya ditshiamelo; le dgo tlhalosa gore mokopi o tshwanetse go itlhagisa leng kwa kantorong ya go thapa gore go netefadiwe gore moabi - i o ntse a sa dire mo pakeng e go kopilweng ditshiamelo tsa botlhokatiro ka yona; le ii gore moabi a ka kgona le gona a ka nna gona go ka dira.
Fa kopo e sa ikobele ditlamelo tsa Kgaolo eno, motlhankedi wa dikopo tsa dituelo o tshwanetse go gakolola mokopi ka lekwalo gore kopo e na le phoso le go mo naya mabaka a gore ke ka ntlha ya eng e le phoso.
Mokaedi-Kakaretso o tshwanetse go duela ditshiamelo tsa botlhokatiro go moabi kwa kantorong ya go thapa e kopo e dirilweng kwa go yona, gongwe kantoro nngwe le nngwe ya go thapa e e tlhagisitsweng ke mokopi ka nako ya go dira kopo.
Fa moabi a amogela ditshiamelo tsa botlhokatiro mme ntle le lebaka le le utlwalang, a gana go amogela tiro e e maleba e e gona, gongwe go tsenela katiso e e maleba gongwe kgakololo ya tiro, motlhankedi wa ditopotuelo a ka mo naya kotlhao ya sebaka sa dibeke di 13 tse mo go tsona go se kitlang go nna le ditshiamelo dipe tse di duelwang moabi.
Go kgontsha go tswelediwa ga Karolo eno, paka ya bolwetse e tshwanetse go lekanyediwa go tloga ka letlha le moabi a emisang go dira ka ntlha ya bolwetse.
Karolwana 1 e diragadiwa ka diphetogo tse di tlhokegang tebang le tekanyetso ya dipaka tsa ditshiamelo tsa botsetse le botsadi-la-tsholo tse di kabakanngwang mo karolong 242 le 273, ka go latelana ga tsona.
bmoabi a kgotsofatsa ditlhokego dingwe le dingwe tebang le bolwetse bongwe jo bo rileng; mme cgo dirilwe kopo ya ditshiamelo tsa bolwetse go ya ka ditlhokego tse di rebotsweng gammogo le ditlamelo tsa Karolo eno.
afa paka ya bolwetse e le ka fa tlase ga malatsi a le 14; le bmo pakeng nngwe le nngwe e mo go yona moabi- i a nang le tshwanelo ya ditshiamelo tsa botlhokatiro go ya ka Karolo B ya Kgaolo eno gongwe ditshiamelo tsa botsadi-ka-tsholo go ya ka Karolo E ya Kgaolo eno; kgotsa iintle le lebaka le le utlwalang, a gana gongwe a retelelwa ke go tsenela kalafi gongwe go ikobela ditaelo tsa dingaka.
Go lebeletswe karolwana , moabi o tshwanetse go duelwa phapaano magareng ga tuelo ya malatsi a boikhutso a bolwetse e a e duetsweng go ya ka molao mongwe fela, tumelano e e tlhakanetsweng, gongwe konteraka ya tiro ya paka e e kabakanngwang mo karolo 19, le palogodimo ya ditshiamelo tse di duelwang go ya ka karolo 12.
Fa go lebelelwa tuelo nngwe le nngwe ya malatsi a boikhutso a bolwetse e e duetsweng moabi go ya ka molao mongwe fela, gongwe tumelano e e tlhakanetsweng gongwe konteraka ya tiro, ditshiamelo tsa bolwetse ga di a tshwanela go feta tuelo e moabi a neng a ka e amogela fa a ne a sa lwale.
Kopo ya ditshiamelo tsa bolwetse e tshwanetse go dirwa ke motho ka sebele mo foromong e e rebotsweng kwa kantorong ya go thapa.
bFa moabi a sa kgone go itirela kopo ka sebele, motlhankedi wa ditopotuelo a ka rebola gore motho mongwe fela a dire kopo mo boemong jwa mokopi.
Kopo ya ditshiamelo tsa bolwetse e tshwanetse go dirwa mo sebakeng sa dikgwedi di le thataro tsa tshimologo ya bolwetse, fela Mokomisinara a ka amogela kopo e e dirilweng morago ga go khutla ga paka e e beilweng ya dikgwedi di le thataro fa go ka supiwa mabaka a a kgotsofatsang.
Motlhankedi wa ditopotuelo o tshwanetse go batlisisa kopo mme, fa go tlhokega, a kope tshedimosetso e nngwe tebang le paka e mokopi a neng a sa dire kgotsa a amogetse tuelo e e kwa tlase ka ntlha ya bolwetse.
cgo rebola tuelo ya ditshiamelo; le dgo tlhalosa gore ditshiamelo di tla duelwa jang.
Fa kopo e sa ikobele ditlamelo tsa Kgaolo eno, motlhankedi wa ditopotuelo o tshwanetse go gakolola mokopi ka lekwalo gore kopo e na le phoso le go mo naya mabaka a gore ke ka ntlha ya eng e le phoso.
akwa kantorong ya go thapa e kopo e dirilweng kwa go yona gongwe kwa kantorong e nngwe ya go thapa e e rebotsweng ke mokopi ka nako ya kopo; le bgo moabi gongwe motho mongwe fela yo o rebotsweng ke moabi mme a amogetswe ke motlhankedi wa ditopotuelo gore a rebolwe jalo.
Go lebeletswe karolo 14, moabi yo o imileng o na le tshwanelo ya ditshiamelo tsa botsetse tse di kabakanngwang mo Karolong eno mo pakeng nngwe le nngwe ya boimana gongwe botsetse, gammogo le paka ya morago ga moo, fa kopo e dirilwe go ya ka ditlhokego tse di tlhalositsweng le ditlamelo tsa Karolo eno.
Go lebeletswe karolwana 2, moabi o tshwanetse go duelwa phapaano magareng ga tuelo nngwe le nngwe ya ditshiamelo tsa botsetse e a e duetsweng go ya ka molao mongwe fela, tumelano e e tlhakanetsweng gongwe konteraka ya tiro ya paka e e kabakanngwang mo karolo 192, le palogodimo ya ditshiamelo tse di duelwang go ya ka karolo 122.
Fa go lebelelwa tuelo nngwe le nngwe ya ditshiamelo tsa botsetse e e duetsweng moabi go ya ka molao mongwe fela, gongwe tumelano e e tlhakanetsweng gongwe konteraka ya tiro, ditshiamelo tsa botsetse ga di a tshwanela go feta tuelo e moabi a neng a ka e amogela fa a ne a se mo malatsing a boikhutso a botsetse.
Go tsweletsa karolo eno, paka e e kwa godimo go gaisa ya malatsi a boikhutso a botsetse ke dibeke di le 17.32.
Moabi yo o senyegelwang mo pakeng ya boraro ya boimana gongwe a belega ngwana yo o tlang a didimetse, o na le tshwanelo ya palogodimo ya ditshiamelo tsa botsetse tsa dibeke di le thataro morago ga go senyegelwa gongwe morago ga go belega ngwana yo o didimetseng.
Kopo ya ditshiamelo tsa botsetse e tshwanetse go dirwa mo foromong e e rebotsweng kwa kantorong ya go thapa bonnye, dibeke di le robedi pele ga go belega.
batolosa paka ya go amogelwa ga kopo go fitlha go paka ya dikgwedi di le thataro morago ga go belega.
Motlhankedi wa ditopotuelo o tshwanetse go batlisisa kopo mme, fa go tlhokega, a kope tshedimosetso e nngwe.
iiditshiamelo tse mokopi a nang le tshwanelo ya tsona go ya ka karolo 134; le c go tlhalosa gore ditshiamelo di tla duelwa jang.
Fa kopo e sa ikobele ditlamelo tsa Kgaolo eno, motlhankedi wa dikopo tsa dituelo o tshwanetse go gakolola mokopi ka lekwalo gore kopo e na le phoso le go mo naya mabaka a gore ke ka ntlha ya eng e le phoso.
Mokaedi-Kakaretso o tshwanetse go duela ditshiamelo tsa botsetse go moabi kwa kantorong ya go thapa e kopo e dirilweng kwa go yona gongwe kwa kantorong e nngwe fela e e rebotsweng ke mokopi ka nako ya go dira kopo.
cngwana yo o tshotsweng a le bogolo jo bo ka fa tlase ga dingwaga tse pedi; mme dkopo e dirilwe go latela ditlhokego tse di rebotsweng le ditlamelo tsa Karolo eno.
Tshwanelo e e kabakanngwang mo karolwana 1 e simolola ka letlha le ka lona kgotlatshekelo e e nang le bokgoni e rebolang taelo ya go tshola ngwana go ya ka Molao wa Tlhokomelo ya Bana wa 1983 Molao wa bo74 wa 1983.
Go lebeletswe karolwana 4, moabi o tshwanetse go duelwa phapaano magareng ga tuelo nngwe le nngwe ya ditshiamelo tsa botsadi-ka-tsholo e moabi a e duetsweng go ya ka molao mongwe fela, tumelano e e tlhakanetsweng gongwe konteraka ya tiro ya paka e e kabakanngwang mo karolo 192, le palogodimo ya ditshiamelo tse di duelwang go ya ka karolo 122.
Fa go lebelelwa tuelo nngwe le nngwe ya ditshiamelo tsa botsadi-ka-tsholo e e duetsweng moabi go ya ka molao mongwe fela, gongwe tumelano e e tlhakanetsweng gongwe konteraka ya tiro, ditshiamelo tsa botsadi-ka-tsholo ga di a tshwanela go feta tuelo e moabi a neng a ka e amogela fa a ne a le kwa tirong.
Kopo ya ditshiamelo tsa botsadi-ka-tsholo e tshwanetse go dirwa mo foromong e e rebotsweng kwa kantorong ya go thapa.
Kopo e tshwanetse go dirwa mo sebakeng sa dikgwedi di le thataro morago ga letlha la taelo ya go tsholwa ga ngwana, fela Mokomisinara a ka amogela kopo morago ga paka ya dikgwedi di le thataro fa a amogetse mabaka a a utlwalang.
Motlhankedi wa ditopotuelo o tshwanetse go batlisisa kopo mme, fa go tlhokega, a kope tshedimosetso e nngwe tebang le paka e mokopi a neng a sa dire ka yona gore a kgone go tlhokomela ngwana yo o tshotsweng.
iiditshiamelo tse mokopi a nang le tshwanelo ya tsona go ya ka karolo 134; le c go tlhalosa gore ditshiamelo di tla duelwa jang.
Fa kopo e sa ikobele ditlamelo tsa Kgaolo eno, motlhankedi wa dikopo tsa dituelo o tshwanetse go gakolola mokopi ka lekwalo gore kopo e na le phoso le go mo naya mabaka a gore ke ka ntlha ya eng e le phoso.
Mokaedi-Kakaretso o tshwanetse go duela ditshiamelo tsa botsadi-ka-tsholo go moabi kwa kantorong ya go thapa e kopo e dirilweng kwa go yona gongwe kwa kantorong nngwe ya go thapa e e rebotsweng ke mokopi ka nako ya go dira kopo.
ago ya ka ditlhokego tse di rebotsweng le ditlamelo tsa Karolo eno; le bmo sebakeng sa dikgwedi di le thataro morago ga loso la moabi ntle le gore, fa go na le mabaka a a utlwalang, Mokomisinara a ka amogela kopo morago ga paka ya dikgwedi di le thataro.
ago sena molekane wa lenyalo yo o setseng, gongwe molekane wa botshelo; kgotsa bmolekane wa lenyalo yo o setseng gongwe molekane wa botshelo a sa dira kopo ya ditshiamelo mo pakeng ya dikgwedi di le thataro morago ga loso la moabi.
Ditshiamelo tse di duelwang moikaegi ke ditshiamelo tsa botlhokatiro tse go builweng ka tsona mo Karolo B ya Kgaolo eno, tse di ka bong di ne di tla duelwa moabi yo o tlhokafetseng fa a ka bo a sa ntse a tshela.
Kopo ya ditshiamelo tsa baikaegi e tshwanetse go dirwa mo foromong e e rebotsweng kwa kantorong ya go thapa.
Kopo e tshwanetse go dirwa mo pakeng e e kailweng mo karolo 301b kgotsa mo sebakeng sa malatsi a le 14 morago ga paka e e kailweng mo karolo 392b, fela go ya ka mabaka.
Motlhankedi wa ditopotuelo o tshwanetse go batlisisa kopo mme, fa go tlhokega, a kope tshedimosetso e nngwe tebang le tsweletso ya kopo.
iiditshiamelo tse mokopi a nang le tshwanelo ya tsona go ya ka karolo 134; le c go tlhalosa gore ditshiamelo di tla duelwa jang.
Fa kopo e sa ikobele ditlamelo tsa Kgaolo eno, motlhankedi wa ditopotuelo o tshwanetse go gakolola mokopi ka lekwalo gore kopo e na le phoso le go mo naya mabaka a gore ke ka ntlha ya eng e le phoso.
Mokaedi-Kakaretso o tshwanetse go duela ditshiamelo tsa baikaegi go moikaegi kwa kantorong ya go thapa e kopo e dirilweng kwa go yona gongwe kwa kantorong nngwe ya go thapa e e rebotsweng ke mokopi ka nako ya go dira kopo.
Go tsweletsa karolwana 1, "molato" ga o akaretse molato o o tlhodilweng ke go duelwa ga ditshiamelo ka phoso ka fa tlase ga ditlamelo tsa Molao ono.
Ditshiamelo tse di duelwang baabi le baikaegi go ya ka Molao ono ga di amiwe ke lekgetho go ya ka Molao wa Lekgetho la Lotseno wa 1962 (Molao wa bo58 wa 1962).
Baabi gongwe baikaegi ba ba duetsweng ditshiamelo tse di neng di sa ba tshwanela go ya ka Molao ono, gongwe ba duetswe ditshiamelo tse di fetang tse di neng di ba tshwanetse, ba tshwanetse go duela Letlole ditshiamelo tseo.
Fa Mokomisinara a swetsa gore motho yo o kabakanngwang mo karolwana 1, o duetswe ditshiamelo ka phoso gongwe go feta jaaka go ne go mo tshwanetse, Mokomisinara o tshwanetse gore mo sebakeng sa dikgwedi di le somerobedi morago ga go lemoga seo, a kwalele motho yoo taelo ya gore a duele.
btlhaloso ya gore ke ka ntlha ya eng fa motho yoo a ne a sa tshwanela go amogela tšhelete; le cbosupi jwa gore motho yo o romeletsweng taelo eo o amogetse tshelete tota.
Motho yo o kabakanngwang mo karolwana 1 o tshwanetse go busetsa tshelete eo mo sebakeng sa malatsi a le 90 morago ga go amogela taelo e e kwadilweng.
ca reteletswe ke go itsese motlhankedi wa dikopo tsa tuelo gore o simolotse go dira gape mo pakeng e go duetsweng ditshiamelo ka yona; kgotsa da reteletswe ke go ikobela taelo e e kwadilweng go ya ka karolo 352.
Paka ya tshekego e ka diragadiwa go sa kgathalasege gore a go ne go dirilwe tuelo go moabi kgotsa moikaegi gongwe nnyaya.
agolole mothapi go tswa mo maikarabelong a mothapi yoo a go abela Letlole; kgotsa bfokotse tshwanelo ya mothapi ya go busediwa seabe sengwe le sengwe se se abilweng mo boemong jwa moabi yo o sekegilweng.
Dikganetsano tse di malebana le go duelwa gongwe go se duelwe ga ditshiamelo.
aMokomisinara ya go sekega ditshwanelo tsa motho wa go nna jalo tsa ditshiamelo; kgotsa bmotlhankedi wa ditopotuelo tebang le go duela gongwe go sa duelwe ga ditshiamelo.
Motho yo o sa kgotsofalelang tshwetso ya komiti ya boikuelo a ka fetisetsa morero ono kwa tsereganyong kwa komišeneng ya CCMA.
Motlhatlhobi wa badiri yo o nang le mabaka a a utlwalang a go dumela gore mothapi ga a ikobela ditlamelo dingwe tsa Molao ono kgotsa o dirile molato go ya ka Molao ono, o tshwanetse go bona maikano a a kwadilweng ke mothapi, a gore o tla ikobela ditlamelo tse di maleba.
ba ka leka go bona tumelano ya mothapi tebang le tšhelete e e kolotwang Letlole go ya ka Molao wa Dikabo tsa Inšorense ya Botlhokatiro; mme ca tlamele tshupatefo ya dituelo tsotlhe tse di amogetsweng.
btaelo e e filweng go ya ka karolwana 2; kgotsa ctlamelo nngwe ya Molao ono.
edikgato dingwe le dingwe tse mothapi a tshwanetseng go di tsaya, go akarediwa, fa go tlhokega, go emisiwa ga tlolo molao e e kailweng gammogo le paka e mo go yona go tshwanetseng ga tsewa dikgato tseo; le dpalogodimo ya kotlhao ya tšhelete e mothapi a ka atlholwang ka yona ka ntlha ya go retelelwa ke go ikobela ditlamelo tsa Molao ono.
Motlhatlhobi wa badiri o tshwanetse go isa khopi ya taelo ya go ikobela molao kwa mothaping.
Mothapi o tshwanetse go ikobela taelo ya go ikobela molao mo pakeng e e kailweng mo taelong ntle le fela fa mothapi a le kgatlhanong go ya ka karolo 40.
Mothapi a ka ema kgatlhanong le taelo ya go ikobela molao ka go fetisetsa kgotlhang eno go rarabololwa ke Mokaedi-Kakaretso ka mokgwa o o rebotsweng.
Mokaedi-Kakaretso a ka dira kopo kwa Kgotlatshekelong ya Badiri, ya gore taelo ya go ikobela molao e dirwe taelo ya Kgotlatshekelo ya Badiri fa mothapi a sa ntse a sa ikobela taelo.
Mothapi o tshwanetse go netefatsa gore sekano sengwe le sengwe kgotsa tshedimosetso e e tshwanetseng go bewa le go tlhagisiwa go ya ka Molao ono e nepagetse.
Tona o tshwanetse go thapa modiri wa Lefapha la Badiri jaaka Mokomisinara wa Inšorense ya Botlhokatiro.
Mokomisinara o tshwanetse go tlamela Mokaedi-Kakaretso ka pegelo e e ka ga ditiro tsa Letlole mo ngwageng wa ditšhelete o o fetileng mo sebakeng sa dikgwedi di le thataro tsa bokhutlo jwa ngwaga nngwe le nngwe wa ditšhelete, kgotsa fela fa seno se kgonega morago ga moo.
Mokomisinara a ka seke a fetisetsa dithata dingwe gongwe go fetisa tiro nngwe e e fetisitsweng gongwe e pateleditswe Mokomisinara go ya ka Molao ono, ntle le fela fa Mokaedi-Kakaretso a dumelana le seo.
Dithata dingwe le dingwe tse di dirisiwang gongwe tiro e e dirwang ka, kgotsa ka fa tlase ga phetiso kgotsa go ya ka thomo e e kabakanngwang mo karolwana 1 e tshwanetse go tsewa e dirilwe ke Mokomisinara.
Phetiso gongwe thomo go ya ka karolo eno ga e lekanyetse dithata tsa Mokomisinara tsa go tsweletsa gongwe go dirisa dithata tse di fetisitsweng kgotsa tiro e e romilweng.
Mokomisinara a ka tsaya motho go nna moabi go tsweletsa Molao ono fa go lebelega e kete motho o ka bo a amogetse ditshiamelo go ya ka Molao ono, fela ka ntlha ya mabaka a a seng ka fa tlase ga taolo ya motho yoo, a sa tshwanelwa ke ditshiamelo.
Go latela melao e e laolang Tirelo Setšhaba, Mokaedi-Kakaretso o tshwanetse go thapa motlhankedi wa ditopotuelo go thusa Mokomisinara go tsweletsa dikopo tsa dituelo tse di dirwang go ya ka Molao ono.
Tona o tshwanetse go tlhoma Boto ya Inšorense ya Botlhokatiro.
bgo dira dikatlenegiso go Tona tebang le diphetogo mo molaong tse di malebana le ka moo o amang pholesi ya botlhokatiro ka teng kgotsa pholesi ya insorense ya botlhokatiro; le cgo dira tiro nngwe le nngwe e e ka kopiwang ke Tona go tsweletsa tiro ya Molao ono.
bditaelo dingwe le dingwe tse di tlhagisitsweng ke Tona; le cdikaelo dingwe le dingwe tse di rebotsweng ke Mokaedi-Kakaretso.
bditokololo di le somepedi tse di boutang tse di thapilweng ke Tona; le cMokomisinara yo o nang le boutu.
cditokololo di le tharo di tshwanetse go tlhopiwa ke mokgatlho wa NEDLAC go emela mekgatlho ya dikgatlhego tsa setshaba le tlhabololo; mme dditokololo di le tharo di tshwanetse go thapiwa ke Tona go emela dikgatlhego tsa Puso.
akarolwana 1a le b e nna mo kantorong sebaka sa dingwaga di le tharo mme 3 ka thapiwa gape; le bkarolwana 1c ke tokololo ya semmuso ya Boto.
ae ntshiwa mo kantorong ke Tona jaaka go kabakanngwa mo karolwana 5; kgotsa be leboga tiro ka kitsiso e e kwaletsweng Tona.
dfa e sa nna teng mo dikopanong di le tharo tsa Boto ntle le tetla e e kopilweng mo Botong pele ga kopano, ntle le fela fa tokololo e ka tlhagisa mabaka a a utlwalang; kgotsa efa e nnile le seabe mo ditirong dingwe tse di ka nyatsang tiro ya Boto.
Fa tokololo ya Boto e tswa mo kantorong pele ga go khutla ga paka ya gagwe mo kantorong, tona o tshwanetse go tlatsa phatla eo go ya ka karolwana 1 le 2 mo pakeng e e iseng e khutle.
Boto e tshwanetse gore fela ka bonako jo bo kgonegang, morago ga go thapiwa ga ditokololo, e rulaganye le go amogela molaotheo o o tla rebolwang ke Tona.
bbse ke ya tseelwa dithata dipe gongwe ditiro ka ntlha ya go fetisiwa ga dithata gongwe go romelwa ga tiro eo; mme ccfarologanya gongwe ya beela thoko tshwetso nngwe le nngwe e e dirilweng ka fa tlase ga phetiso nngwe kgotsa thomo; le ii morero mongwe le mongwe o o botlhokwa mo go dirweng ga ditiro tsa Boto.
Go tshwanetse ga ntshiwa kitsiso ya bonnye malatsi a le somamararo ya kopano ya Boto e kwa go yona go tshwanetseng go lebelelwa paakanyo e e tshitshintsweng ya molaotheo.
Go tlhokega boutu ya tshegetso ya bonnye pedi tharong ya ditokololo tsa Boto gammogo le go rebolwa ke Tona gore go baakanngwe molaotheo.
Mokomisinara o na le maikarabelo a go tsamaisa merero ya Boto.
Go kgontsha Boto gore e tsweletse ditiro tsa yona sentle, Mokaedi-Kakaretso o tshwanetse go tlamela Boto ka ditlamelo tse di tlhokegang tsa ditšhelete le tsamaiso mme, go lebeletswe melao e e laolang Tirelo Setšhaba, le ka badiri ba ba tlhokegang.
ago lekanyetsa boleng jwa tirelo le ditlamelo tse Letlole la Insorense ya Botlhokatiro le tlamelang Boto ka tsona, le bgo duelela tiriso ya ditirelo le ditlamelo tseno go tswa mo Letloleng la Inšorense ya Botlhokatiro.
Tokololo ya Boto gongwe ya dikomiti tsa yona e e sa thapiwang mo tirong ya leruri ke Puso, e tshwanetse go duelwa tuelo le ditshiamelo tse di lekanyeditsweng ke Tona go ya ka Ditaelo tsa lephata la Matlole tse di rebotsweng ke Lephata la Bosetšhaba la Matlole.
Tokololo ya Boto e bona kgololo tebang le ditsamaiso tsotlhe, ditshenyegelo tsa tokololo eo fa a sireletsa gongwe a ganetsa tsamaiso ya molao ka ntlha ya ditiro tsa semolao tsa tokololo eo go ya ka Molao ono.
ao o tlhageletseng ka ntlha ya, gongwe e le ditlamorago tsa ditlamelo tsa kgabaganyo tse di kabakanngwang mo Mametlelelo 1; kgotsa bo go tlhokegang gongwe o tshwanetse go rebolwa ka bonako gore go kgone go tswelediwa maitlhomo le ditlamelo tsa Molao ono.
cgo tshwanetse ga letlwa paka ya bonnye, kgwedi go tloga ka letlha le pego e dirilweng ka lona, go letla bao ba nang le kgatlhego go tshwaela mo molawaneng; mme dditshwaelo tse di tlhagisitsweng le diteng tsa dipuisano le dipatlomaikutlo tsotlhe di lebelelwe pele ga go ka rebolwa gongwe ga baakanngwa molawana.
amo molawaneng mongwe le mongwe o o siamisang phoso ya tema; kgotsa bfa Tona a busetsa morago molawana mongwe le mongwe kgotsa kitsiso e e dirilweng gongwe e tlhagisitswe ka fa tlase ga Molao wa Inšorense ya Botlhokatiro wa 1966 Molao wa bo30 wa 1966, jaaka o kabakanngwa mo ntlhaneng 2 ya Mametlelelo 1.
Molawana mongwe le mongwe o o amang lotseno gongwe ditshenyegelo tsa Puso, o ka tlhagisiwa fela gongwe wa baakanngwa ka tumelano le Tona ya Ditšhelete.
Mothapi mongwe le mongwe o tshwanetse gore fa fela a simolola go dira ditiro jaaka mothapi, a tlamele Mokomisinara ka tshedimosetso e e kailweng mo karolwana , tebang le badiri ba gagwe, go sa kgathalesege gore badiri bao ba amogela bokae.
bfa mothapi e se moagi wa Repaboliki, gongwe e le setlamo se se sa kwadisiwang mo Repaboliking, e akaretse dintlha tsa motho yo o rebotsweng yo o tshwanetseng go tsweletsa ditiro tsa mothapi go ya ka Molao ono; mme ce akaretse maina, dinomoroitshupo gammogo le dituelo tsa kgwedi tsa mongwe le mongwe wa badiri mme gape e tlhagise le aterese e modiri a thapilweng kwa go yona.
Mothapi mongwe le mongwe o tshwanetse gore, pele ga letsatsi la bosupa la kgwedi nngwe le nngwe, a itsese Mokomisinara ka ga diphetogo dingwe le dingwe tse di gona mo kgweding e e fetileng tebang le tshedimosetso e e tlhagisitsweng go ya ka karolwana 1.
Mokomisinara a ka kopa mothapi gore a tlamele ka dintlha tse tlaleletso tse di ka tlhokegang go kgontsha go tsweletsa maitlhomo a Molao ono mo sebakeng sa malatsi a le 30 a kopo, kgotsa mo sebakeng se se atolositsweng se Mokomisinara a ka se letlang.
Mokomisinara o tshwanetse go dira le go tlhokomela banka ya tshedimosetso ya baabi, ba ba nang le ditshiamelo gammogo le bathapi.
bgo ya ka karolo 56 ya Molao ono; le cgo ya ka Molao wa Dikabelo tsa Inšorense ya Botlhokatiro.
a Gore a kgone go lekanyetsa tuelo ya ditshiamelo go ya ka Molao ono, Mokomisinara a ka fitlhelela tshedimosetso mo bankeng ya tshedimosetso ya Puso e e nang le tshedimosetso tebang le tshireletsego ya loago.
bGo tsweletsa tema a Mokomisinara o tshwanetse go dirisana le ditheo tse dingwe tsa Puso go tshwaraganya dibanka tsa tsona tsa tshedimosetso.
Dithata le ditiro tsa Mokaedi-Kakaretso.
Dithata le ditiro tse di fetiseditsweng gongwe di sitlhamololetswe go Mokaedi-Kakaretso go ya ka Molao ono, di tlaleletsa mo dithateng le ditirong tse di fetiseditsweng gongwe di sitlhamololetswe mo go Mokaedi-Kakaretso jaaka e le tlhogo ya Lefapha la Badiri.
Mokaedi-Kakaretso o tshwanetse go dira ditiro tsa botlhokomedi tse di malebana le Letlole go ya ka Molao wa Tsamaiso ya Ditšhelete tsa Setšhaba wa 1999 Molao wa bo1 wa 1999.
Go lebeletswe seemo se se ka rebolwang ke Mokaedi-Kakaretso, Mokaedi-Kakaretso a ka fetisetsa dithata dingwe le dingwe gongwe a abela nakwana ditiro dingwe le dingwe tse di fetiseditsweng gongwe di sitlhamololetswe mo go Mokaedi-Kakaretso go ya ka Molao ono go motlhankedi mongwe le mongwe wa Letlole.
Dithata dingwe le dingwe tse di diragadiwang, gongwe ditiro tse di dirwang ka fa tlase ga phetiso gongwe kabo ya nakwana ya ditiro go ya ka karolo eno, di tshwanetse go tsewa di diragaditswe gongwe di dirilwe ke Mokaedi-Kakaretso.
Phetiso gongwe kabo ya nakwana ya ditiro go ya ka karolo eno ga e fokotse dithata tsa Mokaedi-Kakaretso tsa go tsweletsa dithata tse di fetisitsweng gongwe go dira ditiro tse di abilweng nakwana.
ba amoga gongwe a hirisa dithoto dingwe tse di bonweng ka mokgwa oo; kgotsa ca letla gore go dirisiwe dithoto tseo tse di sa sutisiweng tse di bonweng go tsweletsa molao mongwe le mongwe ka seemo se se tla rebolwang ke Mokaedi-Kakaretso.
arekisa gongwe a phimola ditshenyegelo le ditlhaelo tse di malebana le dithoto tseno; kgotsa ba letla gore go dirisiwe dithoto tseo di sutisiwang tse di bonweng go tsweletsa molao mongwe le mongwe go ya ka seemo se se tla rebolwang ke Mokaedi-Kakaretso.
Nako nngwe le nngwe fa Mokaedi-Kakaretso a na le mogopolo wa gore tshelete nngwe le nngwe e e kolotwang Letlole, gongwe tshelete nngwe le nngwe e e duetsweng ke Letlole, go akarediwa tšhelete e e bonweng ka boferefere go tswa mo Letloleng, ga go kgonege, gongwe ga ea tshwanela gore e ka busediwa, Mokaedi-Kakaretso a ka laela gore tshelete eo e phimolwe.
athapa baemedi gongwe a laela dikantoro tsa boemedi go dira jaaka dikantoro tsa go thapa jaaka go tla bo go tlhokega go thusa Mokaedi-Kakaretso, Mokomisinara, Boto kgotsa Letlole go tsamaisa Molao ono sentle; le bgo sitlhamololela kwa baemeding gongwe kwa batlhankeding ba dikantoro tseo, ditiro tse di tla bong di le botlhokwa go tsweletsa maitlhomo ano.
ago itsese Tona, mogakolodi wa inšorense gammogo le Boto ka seno; mme bmorago ga go buisana le Boto, a dire dikatlenegiso go Tona ka morero ono.
Mokaedi-Kakaretso a ka adima tshelete mo boemong jwa Letlole go ya ka karolo 663b ya Molao wa Tsamaiso ya Ditšhelete tsa Setšhaba wa 1999 Molao wa bo1 wa 1999.
cpalo ya baabi ba ba duetsweng ditshiamelo tsa bolwetse, botsetse le botsadi-ka-tsholo, ka go tlhomagana ga tsona, gammogo le palogotlhe ya ditshiamelo tseo; le dpalo ya baabi ba ba tlhokafetseng ba ba dueletsweng ditshiamelo tsa baikaegi gammogo le palogotlhe ya dituelo tseo.
Pegelo e e kabakanngwang mo karolwana 12 gammogo le kanego ya lotseno le ditshenyegelo le kanego ya ditshalelo tsa Letlole, di tshwanetse go tlhagisiwa kwa Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba mo sebakeng sa malatsi a le 30 morago ga go amogelwa ke Tona, fa Palamente e tsena ka nako eo, mme fa Palamente e sa tsene, mo sebakeng sa malatsi a le somenne fa palamente e sena go tsena.
Ditlankana dingwe le dingwe tse di tlhagisitsweng go ya ka Molao ono di golotswe mo lekgethong la ditempe, fa e le gore lekgetho leo le tshwanetse go duelwa ke Letlole go ya ka molao.
dGo senngwa ga dithoto dingwe le dingwe tsa Letlole; le e tiro gongwe tlogelo e e lebisang kwa taelong ya kgotlatshekelo kgatlhanong le Letlole.
cfa go fitlhelwa gore modiri o rwele maikarabelo a tatlhegelo gongwe tshenyo, a lebelele- iboleng jwa tshenyegelo gongwe tatlhegelo; le iigore tšhelete e e tshwanetseng go duelwa ke modiri e tshwanetse go duelwa jang le gona leng; le ditsese modiri ka lekwalo ka ga diphitlhelelo tse di bonweng go ya ka karolwana eno.
Fa e kare ka nako e modiri a feleletsang go dira ka yona, go bo go sa ntse go na le tšhelete e a e kolotang tebang le diphitlhelelo tse di dirilweng go ya ka karolwana 2, tšhelete e e sa ntseng e kolotwa eo e ka gogiwa go tswa mo tsheleteng nngwe le nngwe e e tshwanetseng go duelwa modiri.
Modiri mongwe le mongwe yo o nang le ngongorego kgatlhanong le diphitlhelelo tse di dirilweng ke Mokaedi-Kakaretso a ka ikuela kwa go Tona mo sebakeng sa malatsi a le 30 morago ga go amogela kitsiso go ya ka karolwana 2d, go ya ka thulaganyo ya dingongorego e e ka dirisiwang ke badiri ba puso.
ago ya kwa kgotlatshekelo e e nang le bokgoni go tsweletsa thulaganyo ya go busetsa tatlhegelo nngwe le nngwe kgotsa tshenyegelo e e bakilweng ke modiri yo o dirang gongwe yo o neng a dira mo tirelong ya setšhaba; kgotsa bgo tsweletsa dithulaganyo tsa kgalemo kgatlhanong le modiri yo o kabakanngwang mo temeng a; kgotsa cgo tsweletsa dithulaganyo tse di kabakanngwang mo ditemeng a le b ka bobedi.
dgo tlhoka go ikobela tiro nngwe le nngwe e e rebotsweng ke ditlamelo tsa Molao ono go go lebisang kwa tatlhegelong gongwe tshenyo go Letlole.
Kgotlatshekelo, fa e rebola go tshwarwa ga motho ka ntlha ya molato o o kabakanngwang mo karolwana 2, e ka lekanyetsa boleng jwa madi jwa tatlhegelo gongwe tshenyo e e tlholetsweng Letlole.
Motho mongwe le mongwe yo o bonwang molato o o kabakanngwang mo karolwana 2 o tshwanetse go duela ditshenyegelo tsa Letlole go ya ka seemo se se tla rebolwang ke Mokaedi-Kakaretso.
Mokaedi-Kakaretso a ka letla gore go duelwe tshelete eo ka dikarolo.
Fa e le gore tatlhegelo ya Letlole e bakilwe ke kopo ya boferefere ya tuelo, tatlhegelo eo e ka busediwa go tswa mo ditshiamelong tse di sa ntseng di saletse go ka duelwa moabi kgotsa moikaegi ka fa tlase ga ditlamelo tsa Molao ono.
Ga go sepe mo karolong eno se se thibelang Mokaedi-Kakaretso go tsweletsa dithulaganyo tsa molao kwa kgotlatshekelong e e nang le bokgoni go busetsa ditatlhegelo dingwe le dingwe le ditshenyegelo tse di baketsweng Letlole ke motho mang kgotsa mang.
bkhopi ya, kgotsa tema e e ntshitsweng go tswa mo bukeng efe kgotsa efe, kgotsa rekoto e e tsholwang ke Mokaedi-Kakaretso, Boto kgotsa komiti nngwe le nngwe; kgotsa clekwalo lengwe le lengwe le le faetsweng le Mokaedi-Kakaretso, Boto kgotsa komiti nngwe.
bgore motho mongwe le mongwe o, kgotsa o ne, ka semolao a tlhokega go duela tshelete nngwe go Mokaedi-kakaretso ka fa tlase ga Molao ono; kgotsa cgore tšhelete e e kailweng mo temeng b kgotsa mo karolong nngwe ya yona e duetswe kgotsa e ne e ise e duelwe mo letlheng le le tlhalositsweng mo pegong e e ikanetsweng.
a Motlhankedi yo o tsamaisang thulaganyo e kwa go yona pego e e ikanetsweng e e kailweng mo karolwana 2 e tlhagisitsweng jaaka bosupi, ka boena, kgotsa fa a kopiwa ke mongwe yo o nang le seabe mo thulaganyong eno, a ka kopa moikani yo o bileditsweng kwa tshekong eo go naya bopaki ka molomo, kgotsa go arabela dipotso tse di kwadilweng tse di neilweng motlhankedi yo o tsamaisang dithulaganyo ka fa tlase ga maikano.
bPotso nngwe le nngwe le karabo go tswa go moikani e amogelwa jaaka bosupi mo thulaganyong.
Ntle le fa fela go ka supiwa ka mokgwa o mongwe, moabi o tsewa a ntse a le mo thapong ya mothapi go fitlha fa mothapi yoo a itsese Mokaedi-Kakaretso gore moabi ga a sa tlhole a thapilwe ke mothapi yoo.
cpego nngwe le nngwe ya mofuta oo kgotsa mokwalo o o fitlhelwang mo koloing nngwe le nngwe e e dirisiwang mo kgwebong ya mothapi; le dkhopi nngwe le nngwe kgotsa kgatiso nngwe le nngwe ya pego kgotsa mokwalo oo, e e kannweng ke mokomisinara wa maikano go nna khopi ya nnete kgotsa kgatiso ya pego ya ntlha.
Ga go karabo ya potso epe e e boditsweng ke motho mo thulaganyong ya patlisiso go ya ka karolo 602a kgotsa ke motlhatlhobi wa badiri, e e ka dirisiwang kgatlhanong le motho yoo mo tshekong ya bosenyi ntle le fa tsheko eo e le malebana le maikano a maaka kgotsa go dira pego e e fosagetseng.
bmo mabakeng a tsamaiso ya bosiamisi; kgotsa cka kopo ya Tona, Mokaedi-Kakaretso kgotsa motho mongwe le mongwe fela yo o nang le tshwanelo ya go bona tshedimosetso.
Motho mongwe le mongwe yo o tlolang karolwana 1 o na le molato.
ba kwale dintlha tse di fosagetseng ka boena mo karateng ya direkoto ya moabi kgotsa buka nngwe le nngwe fela, rekoto kgotsa lekwalo le le malebana le hisetori ya tiro ya moabi kgotsa kopo ya moabi ya ditshiamelo; kgotsa cgo tlola, kgotsa go gana gongwe go tlhoka go ikobela ditlamelo dingwe le dingwe tsa Molao ono kgotsa tsa molawana gongwe kitsiso e e tlhagisitsweng go ya ka Molao ono.
Motho mongwe le mongwe yo o tlolang karolwana 1a, b kgotsa c, o na le molato.
Motho mongwe le mongwe yo o tshwaretsweng molato go ya ka Molao ono o siametswe ke kotlhao ya tšhelete gongwe go tswalelwa kwa kgolegelong, kgotsa kotlhao ya tšhelete le ya go tswalelwa kwa kgolegelong.
Ntle le fa fela Molao ono o tlhalosa ka mokgwa o mongwe, Kgotlatshekelo ya Badiri e na le taolo malebana le merero yotlhe go ya ka Molao ono, ntle le fela fa e le molato go ya ka Molao ono.
Fa go ka tlhagelela potso nngwe ya molao tebang le go tsenngwa tirisong ga Molao ono, Mokaedi-Kakaretso ka bo ena, gongwe ka kopo ya mongwe yo o nang le dikgatlhego tse di lekaneng mo morerong ono, a ka tlhagisa dintlha tsa kgetse gore Kgotlatshekelo ya Badiri e tseye tshwetso.
adintlha tse go fitlhelwang gore di netefaditswe; le bmogopolo wa molao o o amogetsweng tebang le dintlha tseo.
Fa Mokaedi-Kakaretso a na le pelaelo nngwe tebang le go siama ga tshwetso e e ntshwitsweng ke Kgotlatshekelo ya Badiri tebang le potso ya molao e e malebana le go tsenngwa tirisong ga Molao ono, Mokaedi-Kakaretso a ka tlhagisa tshwetso eo kwa Kgotlatshekelo ya Boikuelo ya Badiri.
Tona a ka fetisa gongwe a aba ka go kwala go Mokaedi-Kakaretso gongwe modiri mongwe le mongwe mo tirelong setshaba, dithata gongwe ditiro dingwe le dingwe tse a di neilweng gongwe di sitlhamololetswe mo go Tona go ya ka Molao ono, ntle fela le dithata tsa ga Tona go ya ka dikarolo 43, 47, 48 (b), 50 le , , karolo eno, karolo 69 le dithata tsa ga Tona tsa go dira melawana kgotsa go rebola dikitsiso.
Phetiso gongwe kabelo ya tiro go ya ka karolwana 1 ga e fokotse dithata tsa ga Tona tsa go tsweletsa gongwe go diragatsa dithata tse di fetisitsweng gongwe ditiro tse di abilweng.
Motho mongwe le mongwe yo o fetiseditsweng dithata gongwe a abetswe ditiro go ya ka karolwana 1, o tshwanetse go dira gongwe go diragatsa dithata tseo kgotsa ditiro ka kaelo ya Tona.
agogela morago phetiso kgotsa kabo ya tiro e e dirilweng go ya ka karolwana 1; le bgogela morago gongwe a baakanya tshwetso nngwe le nngwe e e dirilweng ke motho a dira gongwe a diragatsa dithata kgotsa ditiro tse di fetisitsweng gongwe di abilwe go ya ka karolwana 1.
Tona, e kare morago ga go amogela kopo mo foromong e e rebotsweng le ka tumelano le Boto, ka kitsiso mo Kaseteng, a ka goeletsa gore go tloga ka letlha le le tlhalositsweng mo kitsisong, batho ba mofuta mongwe le mongwe o o tlhalositsweng, kgotsa motho yo o thapilweng mo kgwebong nngwe e e tlhalositsweng kgotsa mo karolong ya kgwebo kgotsa mo lefelong lengwe le le tlhalositsweng, ba tshwanetse go tsewa jaaka baabi go tsweletsa Molao ono.
Thulaganyo e e kailweng mo karolo 551 e dira ka diphetogo tse di tlhokegang mo kitsisong e e tlhagisitsweng ka fa tlase ga karolwana 1.
Molao wa Insorense ya Botlhokatiro wa 1966 (Molao wa bo30 wa 1966), ka go dira jaana, o a phimolwa ntle fela le moo go kailweng mo Mametlelelo 1.
Ditlamelo tsa Mametlelelo 1 di dira mo kgabaganyong go tswa kwa melaong e mengwe go tla go Molao ono.
Molao ono o tlama Puso.
Molao ono o bidiwa Molao wa Inšorense ya Botlhokatiro wa 2001, mme o simolola go dira mo letlheng le le tla rebolwang ke Moporesidente ka kitsiso mo kaseteng.
Go ka rebolwa matlha a a farologaneng ka fa tlase ga karolwana 1 tebang le ditlamelo tse di farologaneng tsa Molao ono.
Mo mametlelelong eno "Molao wa Inšorense ya Botlhokatiro wa 1966" o kaya Molao wa Insorense ya Botlhokatiro wa 1966 (Molao wa bo30 wa 1966).
Melawana mengwe le mengwe e e dirilweng ka fa tlase ga Molao wa Inšorense ya Botlhokatiro wa 1966, e e mo tirisong pele fela ga tshimologo ya ntlha eno, e tswelela go dira go fitlhelela e gogelwa morago ke tona ka kitsiso mo kaseteng.
Dithoto tsotlhe, melato, ditshwanelo le maitlamo a Letlole la Inšorense ya Botlhokatiro e e tlhamilweng ka fa tlase ga Molao wa Insorense ya Botlhokatiro wa 1966, ka go dira jaana di fetisediwa kwa Letloleng le le tlhamilweng ka karolo 4.
Boto le dikomitipotlana tsa yona, tse di tlhamilweng ka fa tlase ga Molao wa Insorense ya Botlhokatiro wa 1966, di tswelela go dira go fitlha Tona a tlhama Boto go ya ka karolo..
Ditokololo tsa Boto tse di thapilweng ka fa tlase ga Molao wa Insorense ya Botlhokatiro wa 1966, di tswelela go nna mo kantorong go fitlha Tona a thapa ditokololo tsa Boto go ya ka karolo 49.
Dikopo tsotlhe tsa tuelo kgatlhanong le Letlole tse di dirilweng ka fa tlase ga Molao wa Inšorense ya Botlhokatiro wa 1966, di tswelela go dira mme di tshwanetse go wediwa go ya ka Molao ono.
Boikuelo bongwe le bongwe go ya ka Molao wa Inšorense ya Botlhokatiro wa 1966, kgatlhanong le tshwetso nngwe le nngwe ya batlhankedi ba dikopotuelo bo a tswelela mme bo tshwanetse go wediwa go ya ka Molao ono.
Go tsweletsa ntlhana 1, Komiti ya Boikuelo jwa Ditshiamelo e e tlhamilweng ka fa tlase ga Molao wa Inšorense ya Botlhokatiro wa 1966, e tswelela go nna gona go fitlha go felelediwa dikgetse tsotlhe tsa boikuelo.
Dipatlisiso dingwe le dingwe tse di tsweleditsweng go ya ka Molao wa Insorense ya Botlhokatiro wa 1966, tse di iseng di wediwe kwa tshimologong ya Molao ono, di tshwanetse go wediwa go ya ka Molao ono.
Botšhotšhisi bongwe le bongwe jo bo tsweleditsweng go ya ka Molao wa Inšorense ya Botlhokatiro wa 1966, jo bo iseng bo wediwe kwa tshimologong ya Molao ono, bo tshwanetse go wediwa go ya ka Molao ono.
Mo sebakeng sa malatsi a le supa morago ga tshimologo ya ntlha eno, bathapi botlhe ba tshwanetse go tlamela Mokomisinara ka tshedimosetso e e tlhalositsweng mo karolo 56 , ka ga badiri ba ba thapilweng ke bona, go sa kgathalesege gore badiri bao ba amogela bokae.
Mokomisinara a ka kopa mothapi go tlamela, mo sebakeng sa malatsi a le 30 morago ga kopo, kgotsa mo sebakeng se se atolositsweng jaaka Mokomisinara a ka letla, ka tshedimosetso ya tlaleletso jaaka go ka tlhokega gore go tswelediwe wa matlhomo a Molao ono.
Baabi ba ba neng ba amogela kwa tlase ga tshelete e e rileng (ba ba itsegeng jaaka "legato la letseno la kgabaganyo la ditshiamelo") ba na le tshwanelo ya peresente ya tuelo ya bona ya pele.
Baabi ba ba neng ba amogela go feta legato la letseno la kgabaganyo ya ditshiamelo ba na le tshwanelo ya tshiamelo e e tsepameng, e e lekanang le tshiamelo ya moabi yo pele a neng a amogedisiwa mo legatong la letseno la kgabaganyo ya ditshiamelo.
Kokoano ya Boditšhabatšhaba ya Mekgatlho ya Badiri ya 1953 (Kokoano ya bo102) e kaya ka tlhomamo gore tuelo ya modiri yo o dirang ka diatla yo o nang le bokgoni e tshwanetse go laola legato le le maleba la lotseno le mo go lona go tshwanetseng ga bewa seelo sa botokololo jwa sekema sa inšorense ya loago. Mo dingwageng tse di ntseng di feta, sekema sa Inšorense ya Botlhokatiro sa Aforika Borwa ga se a kgona le go itepatepanya le kaedi eno. Ka jalo, legato la letseno la kagaganyo la ditshiamelo le golagane le seelo seno.
Palogodimo ya lotseno ya ga jaana ke R8 099 ka kgwedi. Seno e tla nna legato la letseno la kgabaganyo la ditshiamelo le le tla dirisiwang go tsweletsa Molao ono. Le gale go ya ka karolo 12 (a), Tona a ka fetola legato la letseno la kgabaganyo la ditshiamelo gangwe le gape go supa mokgwa o o tswelelang go fetoga-fetoga wa lotseno.
Mo baabing ba ba neng ba amogela kwa tlase ga legato la letseno la kgabaganyo la ditshiamelo, ditshwanetlo tsa ditshiamelo di nyalana le tuelo.
Moo IRR e emetseng Kelo e e Emelang Lotseno e e tsamaelanang le lotseno la letsatsi la moabi.
Fa moabi a ne a duelwa ka beke, lotseno la letsatsi ke kelo ya beke ya tuelo e arolwa ka 7.
Fa moabi a duelwa morago ga dibeke tse bedi, lotseno la letsatsi ke kelo ya beke tse pedi ya tuelo e arolwa ka 14.
Fa moabi a ne a duelwa ka kgwedi, lotseno la letsatsi ke kelo ya kgwedi ya tuelo e atisiwa ka 12, mme e arolwe ka 365.
Kelo e e Emelang Lotseno () e laola peresente ya lotseno la maloba la moabi le mo go lona moabi a nang le tshwanelo e e tlhagelelang ka ditshiamelo. Kelo eno ke palogare, mme ka jalo e tlhalosa seelo se se fologelang. Moabi yo mo nakong e e fetileng a neng a amogela tuelo e e kwa tlase, o na le tshwanelo ya go amogela ditshiamelo tse di emetseng karolo e e kgolwane ya lotseno la gagwe la pele go feta moabi yo pele a neng a amogela tuelo e e kwa godimo.
Kelo e e Emelang Lotseno e a bo e le kwa godimo tota fa lotseno le lekana le lee, mme e a bo e le kwa tlase tota fa lotseno le lekana le legato la lotseno la kgabaganyo la ditshiamelo. Palogodimo ya Kelo e e Emelang Lotseno e tsepame go 60%.
Palotlase ya Kelo e e Emelang Lotseno ga jaana e eme go 38%. Le gale Tona a ka fetola palotlase ya Kelo e e Emelang Lotseno go ya ka karolo 12 (b).
Mo eleng gore Yi e emela kelo ya kgwedi ya lotseno la moabi.
go botlhokwa gore metso e tshwane ka gale. Go tlhakanyetsa KEL go tswa mo kelong ya tuelo ya letsatsi kgotsa ya beke, tsweetswee lebelela tlhaloso e e atologileng ya mokgwa wa Kelo e e Emelang Lotseno mo ntlheng ya setegeniki e e fa tlase.
Baabi ba ba neng ba amogela go feta legato la lotseno la kgabaganyo la tshiamelo ba na le tshwanelo ya tshiamelo e e tsepameng e e lekanang le tshiamelo ya legato la lotseno la kgabaganyo le atisiwa ka palotlase ya Kelo e e Emelang Lotseno.
Ka kelo ya ga jaana ya tshiamelo ya legato la lotseno la kgabaganyo la R8 099 ka kgwedi, e nna R101.
Tshiamelo = 266.
Go ya ka karolo 13 , moabi o na le tshwanelo ya go amogela tshiamelo ya letsatsi le le lengwe mo malatsing mangwe le mangwe a le marataro a a weditsweng mo tirong, go fitlha go palogodimo ya malatsi a le 238 (dibeke di le 34). Ka jalo, moabi o tla nna le tshwanelo ya go dira kopotuelo ya ditshiamelo tsa pakagodimo morago ga go nna mo tirong sebaka sa dingwaga di le nne ntle le go kgaotsa go dira. Fa moabi a setse a kile a amogela ditshiamelo (ntle le ditshiamelo tsa botsetse) go ya ka Molao ono mo dingwageng tse nne pele ga moo, palo ya malatsi a moabi a nang le tshwanelo ya go dira kopotuelo ya ditshiamelo tsa ona e tla fokodiwa jaaka go tshwanetse.
Bona palogotlhe ya malatsi a moabi a neng a thapilwe ka ona (mme a aba) mo pakeng ya dingwaga di le nne tsa pele fela ga letlha la kopo ya ditshiamelo.
Ntsha malatsi (fa a le teng) a moabi a dirileng dikopotuelo tsa ditshiamelo tsa ona (ntle le ditshiamelo tsa botsetse) go ya ka Molao ono mo dingwageng di le nne tsa pele ga moo.
Tšhelete ya ditshiamelo e moabi a nang le tshwanelo ya yona mo pakeng nngwe le nngwe e tla nna tšhelete ya tshwanelo ya ditshiamelo e atisiwa ka palo ya malatsi a moabi a nang le tshwanelo ya go amogela ditshiamelo tsa ona mo pakeng ya tuelo.
Seelo se se fologelang sa Kelo e e Emelang Lotseno se emetswe ke karolo ya segoro (rectangular hyperbola) e e tlhagisitsweng ka kerafo ya palo y = 1/x, mo axis ya y e emelang IRR gona mme axis ya x e emela lotseno.
Le gale, gore go kgonege gore segoro se amane le dipalo tse di nang le mosola go tsweletsa maitlhomo ano, go botlhokwa gore go dirisiwe mekgwa e e atolosang.
Kelo ya lotseno e fetolelwa go nna palo e e tsamaelanang ya axis ya x (xi).
YLRR ke legato la lotseno la kgabaganyo la tshiamelo; mme x1 le x2 ke dipalo tse di laolang karolo ya segoro e e dirisiwang go tlhakanyetsa Kelo e e Emelang Lotseno.
Dipalo tsa ga jaana tsa diparametara tsa YLRR.
Mo mabakeng a Yi e tlhagisiwang jaaka kelo ya kgwedi ya lotseno. Go botlhokwa go netefatsa gore kelo ya moabi ya lotseno (Yi) le lotseno la kgabaganyo la tshiamelo (YLRR) di tlhagisiwa ke metso e e tshwanang - ka kgwedi, beke, kgotsa ka letsatsi.
Palo ya yi jaanong e fetolelwa go IRR e e nyalanang le yona.
URR e le kelo e e kwa godimo e e emelang lotseno.
Lenane la Ntlha ke kelo ya ditshiamelo tse moabi a nang le tshwanelo ya tsona. Kelo ya moabi ya tuelo ya kgwedi e tlhagisitswe mo kholomong 1. Peresente ya lotseno la kgwedi le moabi a tla le duelwang jaaka tshiamelo e tlhagisitswe mo kholomong 2. Tshiamelo ya tota e e duelwang ka diranta e tlhagisitswe mo kholomong 3.
Ditshiamelo tse di kwa tlase ga kelo ya lotseno la tshiamelo ya kgabaganyo di amana le dituelo tse di amogelwang mme di tsewa jaaka kabelo ya lotseno fa lotseno le tlhatloga.
Baabi le bathapi ba baabi ba ba amogelang go feta kelo ya R97 188 ka ngwaga ba tswanetse go aba 1% ya kelo eo mme baabi bao ba lotseno ba tla amogela ditshiamelo tse di duelwang mo legatong leno. Manane a supa ditshiamelo mo magatong a a farologaneng a dituelo.
LP;6Q ditshiamelo tsa Insorense ya Botlhokatiro tse di tlhagelelang mo mananeng di tla duelwa go ya ka paka ya malatsia ditshiamelo a a kokoantsweng ke moabi.
Pakakhutshwane gongwe go ntshiwa mo tirong nakwana, ga se botlhokatiro jo bo ka lopelwand dituelo tsa ditshiamelo.
<fn>tsn_Article_National Language Services_MOLAO WA TAOLO YA DITHUNYA (2000).txt</fn>
A rekisetsa mogwebi yo o dumeletsweng sethunya.
O ya go kopiwa go tlatsa karolo kgotsa dikarolo tse di maleba tsa foromo 522(a) ya SAPS (Foromo ya go neela sethunya kgotsa dithunya).
Motlhankedi yo o maleba wa Dithunya yo o Thapilweng kgotsa leloko le le thapilweng kwa seteišeneng sa sepodisi le ya go tsaya sethunya kgotsa dithunya le/kgotsa ditlhabano le laesense kgotsa dilaesense tse di malena, tetla kgotsa ditetla, kgotsa tumelelo kgotsa ditumelelo.
Netefatsa gore o bona pegokamogelo jaaka bosupi jwa gore sethunya kgotsa dithunya le kgotsa ditlhabano le laesense kgotsa dilaesense tse di maleba, tetla kgotsa ditetla kgotsa tumelelo kgotsa ditumelelo di neetswe SAPS.
Sethunya kgotsa dithunya di ya go tlosiwa mo Thulaganyong ya Rejisetara ya Dithunya ya SAPS.
Sethunya kgotsa dithunya di ya go senngwa ke SAPS.
Ga go na ditshenyegelo dipe tse motho yo o neelang ka boithaopo sethunya le/ditlhabano kwa Tirelong ya Sepodisi ya Aforika Borwa go senngwa a ka nnang le tsona. Mongwe le mongwe yo o senyang kgotsa yo o fetolang sethunya o tlabo a dira molato e bile a ka pharwa ka molato wa bosenyi.
<fn>tsn_Article_National Language Services_MOLAO WA TSEO YA SETSO WA TLHAGO LE WA KAKARETSO.txt</fn>
Molao wa Tsamaiso ya Bantsho, nomoro 38 wa 1927, karolo 11 (b) : Mosadi mongwe le mongwe yo o nyetsweng ka molao wa tseo ya setso (ntle le mo mosading wa kwa KZN) ke mmotlana wa go ya go ile.
Botlamedi bo amilwe jang ke maemo a a setso?
Ka fa tlase ga Molao wa Tseo ya Setso botlamedi ke tshwanelo ya tlhotlheletso e e neilweng monna le lelapa la la gagwe ke lenyalo.
Go seng ka fa molaong le maemong a bongwana jwa dikgora tsa bana ga go itsiwe ka fa tlase ga Molao wa Tseo ya Setso, gonne ngwana a ka nna ka gale le legae, e ka nna kwa setlhopheng sa gagwe sa bomme go lebeletswe leele le - " Ngwana wa dikgora ke wa ga mmaagwe" (pele ga lenyalo) kana kwa setlhopheng sa ga rraagwe kana setlhopha sa monna wa ga bommaagwe- go ikaegilwe ka leele le " Kgomo e tsewa le namane.
Go na le tlhokego go tlhalosa mofuta wa lenyalo le mosadi a tsenang mo go lona.
Ke ba monna wa gagwe le lelapa la gaabo go sa kgathalesege gore borraabo ba madi e ka bo e le bomang.
Go solofelwa go tswa mo monneng wa mme go amogela bana ba ba jalo jaaka ba gagwe le go tlamela ditlamego tsotlhe tse di tlwaelegileng tsa botsadi le ditiro mo go bona.
Loso lwa monna ga lo khutlise kamano ya lenyalo.
Ka fa tlase ga ngwao ya Go tsenela lenyalo le le leng teng le tsweletswa ke motlholagadi le monna yo o dirang jaaka moemedi le motlhatlhami wa monna wa gagwe yo o tlhokafetseng.
Motlholagadi le bana ba gagwe ba ka fa tlase ga botlhokomedi le tlhokomelo ya motlhatlhami wa monna wa gagwe yo o tlhokafetseng. Motseneledi ka gale ke mongwe wa maloko a borre wa setlhopha sa monna wa gagwe yo o tlhokafetseng.
Setlhopha sa lelapa la monna yo o tlhokafetseng se itlama go tlhokomela motlholagadi nako yotlhe fa a ntse a tshela, le go belega bana ba le bantsi jaaka a ka kgona go ba belega le monna yo a mo abetsweng.
Bana ba ba belegweng ke motlholagadi le motseneledi ka gale ba tsewa jaaka matlhogela a monna yo o tlhokafetseng.
Le mo dingwaong foo tsenelelo e sa direng, fa motlholagadi a ka belega bana, go sa kgathalesege borrabona ba nnete kana tlhaolo, ba tsewa ka gale jaaka matlhogela a monna wa gagwe yo o tlhokafetseng mme ke maloko a setlhopha sa gagwe.
Bontsi jwa melao ya tseo ya setso ga bo letle mosadi go nyalwa gape fa a sa ntse a tshela ka fa tlase ga tlhokomelo ya setlhopha sa lelapa la gaabo monna. O tshwanetse go boela kwa setlhopheng sa lelapa la rraagwe fa a batla go nyalwa gape.
Mo lenyalong gape la gagwe, ngwana mongwe le mongwe yo o imiwang ke motlhadiwa yo monna wa gagwe wa bobedi e leng rre wa tlhago, ke ngwana wa batsadi ba, mme ka jalo ke wa setlhopha sa lelapa la monna wa bobedi. Monna wa bobedi ke motlamedi wa bana ba ba jalo.
Mo lenyalong la gagwe la bobedi motlhadiwa a ka lalediwa ke monna wa gagwe wa bobedi go tla le bana ba gagwe mo lenyalong (k.g.r. bana ba a ba belegeng fa a ne a sa ntse a tshela ka fa tlase ga tlhokomelo ya rraagwe morago ga go boela gae go tswa lenyalong la gagwe la ntlha), ka fa tlase ga mabaka a gore monna o mo tsaya le dinamane tsa gagwe go tsena mo lenyalong.
Ditshiamelo tsa karolo 11 (b) tsa tlhaelo ya Molao wa Tsamaiso di tla laola maemo - mosadi o tla tswelela go nna mmotlana mme monna wa gagwe o tla nna motlamedi wa gagwe. Dipoelo tsa karolo e di tla nna jaaka di latela : Basadi ba bantsho ba ba sa nyalwang ba tla nna ba bagolo, basadi ba bantsho ba ba nyetsweng ka ditshwanelo tsa selegae ba tla nna ba bagolo, fela basadi botlhe ka fa tlase ga somaamabedi nngwe kana ba nyetswe ka meetlo ya setso ba tla tswelela go nna babotlana.
Jaaka basadi ba Bantsho ga ba ka ke ba nna ditlhogo tsa malapa a bona le batlamedi ba bana ba bona gonne ba sa ntse ba tsewa jaaka babotlana.
Karolo e ka jalo e godisa kgethololo kgatlhanong le basadi e e itshetlegileng ka bong mme ka jalo, e thulana le Molaotheo.
Karolo e e tiiseditse theo ya bogologolo e e roletseng banna ka dithata tse di feletseng le taolo mo matshelong le thotong ya basadi ba bona.
Monna o tsewa go nna rre wa bana ba mme ga a kitla a ba gana. Ka ntlha ya mabaka a boithwalo le botsalo ga ba ne ba lemosega le go farolontshega bonolo go tswa baneng ba lenyalo.
Monna ke motlamedi le molebeledi, o tlamega go ba amogela jaaka bana ba bangwe botlhe ba ba belegweng mo teng ga lenyalo. Ke maloko a setlhopha sa gagwe sa lelapa. (Ngwana wa dikgora). Borre ba tlhago ba bana ba ga ba na topo epe mo go bona.
Ka fa tlase ga setlhopha go tla wela tota le bana ba tsenelelo.
Molao wa tseo ya setso mo lebakeng le o dumalana le karolo 8 ya Molaotheo mme ga o kgetholole kgatlhanong le bana mo ntlheng ya tlhago ya bona le tsalo.
Ke ba setlhopha sa lelapa la mmaabona.
Fa mme a nyalwa, ena le monna ba nna badisi ba bana ba. Monna o bona bothati jwa botsadi jwa bana ba mo lebakeng la leele le : "Kgomo e tsewa le namane". Ga go ne go nna le pharologano magareng ga bana ba le bana ba lenyalo. Ka jalo gape ga go na kgethololo magareng ga bana jaaka go thibelwa ke Molao wa Molaotheo.
Mo tlhalanong bana ka tlwaelo ba tla sala le setlhopha sa lelapa la borre.
Fa mme a tlogela setlhopha sa lelapa la gaabo monna wa gagwe ga a tseye bana go ya le ena.O sa ntse a le mmotlana wa mo tsweleding mme o tlhoka motlamedi wa gagwe.
Fa a rata go gwetlha maemo a, ena le motlamedi ba tshwanelwa ke go tsaya kgato kgatlhanong le monna wa gagwe gore ga se motho yo o lekaneng le go siamela go rolelwa tiso ya bana. Seno se kaya gore kakanyo e teng ka gale ka fa letlhakoreng la monna wa gagwe le lelapa la gagwe jaaka batlamedi mo tlhalanong. Ba na le tshwanelo ya tlhago kwa botlameding jwa bana.
Mabaka a mangwe foo bana ba ka tlogelwang mo tlamelong ya mmaabona ke fa ba sa ntse ba anya (ba le mo lebeleng). Seno ke sekao se le sengwe foo dikgatlhegelo tsa bana di tlang kwa pele godimo ga ditshwanelo tsa tlhago tsa rre mo tisong ya bana.
Dikgotlhatshekelo tsa tseo ya setso ka jalo di neile rre tshwanelo ya tlhago kwa tisong ya bana mo tlhalanong mme go tla bo go le mo mothong ofe kana ofe go ganana le se go bontsha gore go tla bo go se mo dikgatlhegelong tse di gaisang tsa bana fa rre a ne a abetswe tiso.
Bana ba bannye ba ba anyang ba tla neelwa mmaabo, go ikaegile ka tlamelo ya gore fa ba gola ba tla busediwa kwa go rraabona. Bana ka bobona ga ba na tshwanelo go diragatsa itlhophelo malebana le motsadi o ba ratang go nna le ena.
Dikgetse dingwe le gale di lebile boitekanelo jwa motsadi mongwe le mongwe go tlhokomela dikgatlhegelo tse di gaisang tsa ngwana.
Bana ba didimadiwa ka ditshwanelo tsa bona mme ditshwetso di gapelediwe mo go bona ka se se ka bong se ba tshwanetse go gaisa.
Molao wa tseo ya setso, ka jalo, o na le ditshiamelo tse di dumalanang le Molaotheo le Temogo ya Molao wa Manyalo a Tseo ya Setso. Dingwe tsa ditshiamelo, le gale, di ganetsana le ditshiamelo tsa Molaotheo mme boseng molaotheo bo sa ntse bo le teng. Tseno ke ditshiamelo tse di tshwanetseng go gwetlhiwa ka dikgotlhatshekelo. Lebaka legolo ke gore karolo 11 (b) e fedisitswe mme, ka jalo, mokgwa ofe kana ofe wa go sa lekane mo maemong a banna le basadi ga o ka ke wa tswelela go nna teng jaaka o se na motheo.
<fn>tsn_Article_National Language Services_MOLAO WA TSWELETSO YA PHITLHELELO YA TSHEDIMOSETSO 2.txt</fn>
Boineelo jwa Aforika Borwa jwa tshwanelo ya phitlhelelo ya tshedimosetso bo tlotla go patelesega ga rona semolaotheo go diragatso tshwanelo ya phitlhelelo ya tshedimosetso e e tshwerweng ke Puso kgotsa e e tshwerweng ke lekala la poraefete.
Molao ke tsweletso ya tiragalo ya botlhokwa fa go lebelelwa setlwaedi sa maloba sa bophiri se se bonweng go tswa dingwageng tse dintsi tsa puso ya bonnye e e seng ka fa tshwanelong. Ka Molao o re tshuba lebone go tlisa kwa bokhutlong bophiri le ditimalo tse di bontshang dingwaga tse dintsi tsa puso ya kgethololo le tsamaiso.
Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso, No. 2 wa 2000, o tlamelela tshwanelo ya molaotheo ya phitlhelelo kwa tshedimosetsong e e tshwerweng ke naga le mekgatlho ya poraefete jaaka nngwe ya maikemisetso magolo a yona.
Tshwanelo e e tla thusa go rotloetsa bosengbofitlha, maikarabelo le taolo e e nonofileng ya setšhaba le mekgatlho ya poraefete.
Go ya ka tshwanelo e, gape e tla kgontsha batho ba rona go nna le seabe ka botlalo le go dira ditshwetso tse di utlwalang mo go ageng setšhaba sa rona gape ka tshedimosetso.
E ntse e le kago go ya pele mo motheong wa rona go rotloetsa setšhaba saAforika Borwa go nna mafolofolo mo phitlhelelong ya tshedimosetso go ba kgontsha go dira ka botlalo go feta le go sireletsa ditshwanelo tsotlhe tsa bona.
Taolelo e e neilweng mmuso wa rona ke batho ba naga e e ne e le go diragatsa diphetogo, tse di tla tokafatsang boleng ba botshelo ba MaAforika Borwa otlhe. Molao o tla oketsa kwa motheo o o tiileng o re agelelang mo go ona, mo patlong ya rona ya taolo e e siameng le maikarabelo.
Tirokgolo ya Molao wa 2000 wa Phitlhelelo ya Tshedimosetso, o o neng wa itsisiwe ka Mopitlwe 2001 ka go dira setšhaba se mo go sona batho ba Aforika Borwa ba nang le gona go fitlhelela tshwanelo kwa tshedimosetsong. Karolwana e ntšha e ya peomolao e kgontsha MaAforika Borwa otlhe e seng fela go diragatsa ditshwanelo tsa bona ka botlalo, mme sa botlhokwa segolo go sireletsa gotlhe ga ditshwanelo tsa bona jaaka di beilwe mo Molaotheong. Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo kwa Tshedimosetsong ke sedirisiwa sa botlhokwa mo go maatlafatseng ditlamelo ka fa gare ga Molaotlhomo wa Ditshwanelo jaaka o tlhagisitswe mo Molaotheong.
Temokerasi ya rona ya Aforika Borwa e ikaegile ka dipilara tsa tokologo, tekatekano le tlotlo ya seriti sa botho. Molao o moša ke karolo ya botlhokwa mo teng ga tirego ya phetogo, ka o ritela metheo e e beilweng ka fa teng ga Molaotlhomo wa Ditshwanelo.
Tlwaelo ka fa tlase ga puso ya kgethololo e ne e le gore ditiro tsa mmuso le tsamaiso ya yona di ne di apesitswe ke bophiri le tidimalo, go khupediwa bobodu le ditiro tse di sa tshwanelang. Ka ditlhopho tsa temokerasi tsa 1994, re tsene mo tseleng e ntšha e e godisang setso sa teraseparense le maikarabelo.
Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso o tlhagisetsa setšhaba sa Aforika Borwa tsela go nna le motswedi wa thuso kwa phitlhelelong ya tshedimosetso go tswa nageng le ditheong tsa poraefete.
Molao o, o mošwa o oketsa tlhokego ya ditheo tsotlhe go dira ka gale ka tshwanelo le go nna maikarabelo mo ditirong tsotlhe tsa tsona.
Tiro ya lefapha ke go nna le tirelo ya tshwaragano e e tshegetsang, e e tswelelang ka boyona e e nonofileng ya bokgoni, e e ka tsholetsang tsamaiso ya tirelo mo lefapheng gore e godise go itshepa ka nosi mo setšhabeng. Go dira dituelo tsa dikabelo kwa ditlhopheng tsa batho tse di kgonang go utlwisiwa botlhoko tse di dumelelwang thuso e e jalo, go dira tshireletsego ya tshireletso ya lotseno kwa batlhoking le bana le baagi ba ba kgonang go utlwisiwa botlhoko ba porofense. Go ya pele go tlamela tirelo ya katlaatleloloago e e tsweletsang ka tirisanommogo le mekgatlho e e sa ungweng poelo epe le mekgatlho e e ikaegileng ka baagi.
Go ya ka Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo kwa Tshedimosetsong, Motlhankedi wa Tshedimosetso o tlhomilwe/emiseditswe go tlhomamisa tsamaiso ya tirego ya phitlhelelo kwa tshedimosetsong/direkotong. Go tlaleletsa, Motlatsa Batlhankedi ba Tshedimosetso o tlhomilwe/emiseditswe go thusa Motlhankedi wa Tshedimosetso ka tiro e.
LEINA : Mme. Y.
Go ya ka Molao 2000, wa Phitlhelelo ya Tshedimosetso, motho ofe o na le tshwanelo ya go kopa phitlhelelo ya tshedimosetso/direkoto tse di mo diatleng tsa Naga kana Mokgatlho wa Setšhaba. Gore o bone phitlhelelo kwa rekotong, motho o tshwanetse go tlatsa kopo go fitlhelela foromo A ya tshedimosetso, e e bonwang kwa kantorong efe kana efe ya Lefapha. Foromo e e tshwanetse go romelwa kwa go Motlhankedi wa Tshedimosetso, kwa dintlheng tsa kgolagano tse di fa godimo.
Motlhankedi wa Tshedimosetso o tla tlhomamisa gore a motho yo o kopang tshedimosetso ke mokopi wa sebele kana nnyaya, k.g.r a tshedimosetso e ama fela motho yo o kopang tshedimosetso kana nnyaya. Fa motho e le mokopi ka sebele, ga go madi a pele a a tla duelwang. Fa tshedimosetso e sa ame fela motho yo o kopang tshedimosetso, madi a pele a R 35,00 a duelwa pele ga tiro e tswelela. Ka jalo, kopo ga e ne e dirwa go fitlha madi a pele a duetswe.
Fale madi a duetswe, Motlhankedi wa Tshedimosetso o tla laela badiri ba ba maleba go ntsha rekoto(di) tse di amegang.
Fa rekoto e ntshitswe, Motlhankedi wa Tshedimosetso o tla thadisa lokwalo le go bapisa diteng tsa rekoto le mabaka a kgano, jaaka go tlhalositswe ke Molao.
Fa phitlhelelo e ka rebolwa, mokopi/mokopi wa sebele o tla itsisiwe ka ditshenyegelo tse di tshwanetseng go duelelwa tlhagiso ya rekoto.
Mo tuelong ya madi a a maleba, rekoto/kana karolo ya seo sa phitlhelelo e e rebotsweng, e tla tlhagisiwa le go romelwa kwa mothong yo o kopileng tshedimosetso.
Mo lebakeng la phitlhelelo go ya rekotong e sa rebolwa, motho yo o kopileng phitlhelelo go ya rekotong, o tla itsisiwe gore phitlhelelo ga e a rebolwa mme ditsamaiso tsa boikuelo tse di maleba tse di tshwanetseng go latelwa di tla tlhalosiwa.
Direkoto mo Kantorong ya Tona di kgaogantswe bofefo go ya ka direkoto tsa kwalelano le direkoto tsotlhe go na le kwalelano (direkoto tse dingwe).
Kwalelano e laolwa le go tsamaisiwa go ya ka ditsela tse tharo tsa go faela tse di atlanegisitsweng go dirisiwa mo kantorong ke Diakhaefe tsa Porofense. Kwalelano yotlhe malebana le merero ya badiri e tsamaisiwa ke Tsela ya go Faela ya Ditiro tsa Yunifomo ya Badiri; ditiro tse dingwe tsotlhe tse di amanang le kwalelano di laolwa ke Tsela ya go Faela ya Ditiro tsa Yunifomo ya Badiri. Ditsela tse pedi tsa yunifomo ya go faela di a gapelediwa mo mafapheng otlhe mo Botsamaising ba Porofense ya Kapa Bokone (NCPA). Kwalelano yotlhe malebana le kologano ya ditiro tsa Kantoro ya Tona e laolwa ke Kologano ya Ditiro e e rebotsweng, e e tshwanang e le esi kwa Kantorong ya Tona mme e sa dirisiwe gope mo mafapheng a mangwe mo NCPA. Difaele tsa batho tse di bulwang go ya ka ditsela tse tharo tse di bontshiwa mo rejisetareng ya difaele tse di tshwaragantsweng tse di butsweng.
Direkoto tse dingwe di laolwa le go tsamaisiwa go ya ka Mametlelelo e e laolang Direkoto, e e iseng e rebolwe ke Diakhaefe tsa Porofense.
Go tloga 1994-2001, Kantoro ya Tona e ne e sa arologanyetse le go tsamaisa direkoto tsa yona go ya ka melawana ya diakhaefe mo lebakeng le. Direkoto tse ga jaana di faeliwa gape go ya ka mekgwa ya karologanyo e e rebotsweng (ditsela tsa go faela le Mametlelelo ya Taolo ya Direkoto). Seno ke tirego e e ka se fediweng ka bosigo bo le bongwe mme manuale o o bontsha direkoto fela tseo tse di arologanyeditsweng fa e sale ka Mopitlwe 20001. Jaaka fa direkoto tse di sa arologanyediwang di faeliwa gape, manuale o o tla tlalelediwa mme dikhophi tsa ditlaleletso di tla isiwa kwa Khomišeneng ya Ditshwanelo tsa Botho ka dipaka tsa tswelelo.
Taolo ya mametlelelo e neetswe Motsamaisi wa Direkoto. Go se nne le diphetogo le/kana ditlaleletso kwa mametlelelong kwa ntle ga thebolo ya motlhankedi.
Diphetogo le ditlaleletso tsotlhe di tshwanetse go romelwa kgabetsa kwa Moakhaefeng wa POROFENSE go kwala, go rebola le go neela bothati ba go latlha.
Khophikgolo ya mametlelelo e e laolang direkoto e faelwa mo khabareng e e nosi mme e bontshiwa jalo mo khabareng e e kwa ntle. Khophi e e tsholwa ke motlhankedi yo o boletsweng fa godimo yo o tshwanetseng go tlhomamisa gore e tsholwa e feleletse mme le gore ditaelo mo temaneng 2 di a diragadiwa.
Fale bothati ba go latlha bo bo emeng bo rebotswe go ya ka mabaka a a mo mametlelelong e e laolang direkoto regisetara e e senyang e tshwanetse go diragadiwa. Rejisetara e, e kgaogantswe go ya ka dingwaga, sk. 2002, 2003, 2004, jljl. Fa sengwe se tswaletswe, tshupetso ya sona e tshwanetse go tsenngwa ka fa tlase ga ngwaga o se tla senngwang ka ona. Selo se se tswalang ka 2002 se taelo ya tshenyo e leng D3, se tla tsenngwa ka jalo ka fa tlase ga ngwaga 2005, ka go rialo se dira bonolo go lemoga gore ke dilo dife tse di tla senngwang mo ngwageng ofe o o rileng. Tiriso ya sebofo sa letlhare le le leketlhang e a atlanegisiwa ka go sa kgonege go tlhomamisa palo ya ditsebe tsedi tlokegang ka ngwaga pele ga nako.
Dilo di tshwanetse go latlhiwa kgabetsa- bogolo gangwe ka ngwaga- tse mo godimo ga setefikeite se se tlhalositsweng sa tshenyo se tshwanetseng go romelwa kwa Moakhaefeng wa Porofense.
Dilo tsotlhe di tshwanetse go lemogiwa mo khabareng ya lentlle ka mokgwa wa nomoro le leina jaaka di tlhagelela mo mametlelelong e e laolang direkoto mmogo le taelo e e maleba ya tshenyo. Palo le taelo ya tshenyo di tshwanetse go kwalwa mo bolokong e e khutlometsepa.
morago ga bokhutlo ba ngwaga o direkoto di neng tsa dirwa.
D - Senya mmele wa tshimologo ka boona o tlhomamisa nako ya tshwaro.
D7 - Senya dingwaga di le supa morago ga tswalelo.
AP - E ka nna mo tisong ya mokgatlho ka go sa fele. Fa tatlho e nna teng, sk. fa kantoro e tswalela kana dithoto di latlhiwa; e tshwanetse go fetisediwa kwa bobolokelong ba diakhaefe.
DAU - Senya ka bonako morago ga fa go runa go fedile.
DAU3 - Senya dingwaga di le 3 morago ga fa go runa go fedile.
DAU7 - Senya dingwaga di le 7 morago ga fa go runa go fedile.
Setshwantsho letlhomeso se se rebotsweng sa mafapha otlhe mo NCPA.
Dintlha tsa Ditšhelete tsa Ngwaga tsa Mafapha.
Direkoto tsotlhe tse di phasaladitsweng pele sk. diboroutšhara, makwalodikgang, ditshwantsho, dikhalentara jljl.
Direkoto tsotlhe tse di phasaladitsweng mo webesaeteng ya NCPA.
Direkoto tsotlhe tsa ditsamaiso tsa diforamo tsa setšhaba.
Direkoto tsotlhe tse di sa umakiwang mo go 1-9 fa godimo di bontshiwa mo Rejisetareng ya Difaele tse di Butsweng le Mametlelelo ya Taolo ya Direkoto.
ELEKETERONIKI Direkoto tse ga di bope karolo ya mokgwa wa botsamaisi ba direkoto tsa DIREKOTO tsa eleketeroniki mme ga di ise di naneofadwe ka tsepamo. Di teng mme di tsamaisiwa mo polokelong ya khomputara ka nosi ya batlhankedi ba ba thapilweng mo Lefapheng la Ditirelo tsa Loago le Tsweletso ya Setšhaba. Bogolo ba tse dintsi tsa direkoto tse di teng gape mo pampiring mme di bontshiwa mo difaeleng tsa kwalelano tsa lefapha.
Karologanyetso/ Karologanyetso gape ya Mafelo/ Mafelo a Tuelo.
Maatla a a kgethegileng a Mmueledi Malebana le Moamogeladitshiamelo.
Dikitsiso tsa Dintsho.
Dituelo ttsa Morago tsa Baamogeleditshiamelo. Tuelo ya Dikabo tsa Maemo kwa Bathong ba ba nang le Mogare wa Tlhaelo mo Mothong (HIV) Ditshupetso tsa Ditshwaetso Tlhaelo tsa Tshouto e e Ipatletsweng(AIDS).
Lenaneo la Dituelo tsa Kgwedi.
Khonferense ya Setlhopha sa Lelapa.
Maemo a go Bona Mafelo a Tlhokomelo.
Dikatoloso tsa Ditaelo tsa Kgotlatshekelo ya Bana.
Direkoto tsotlhe tse di phasaladitsweng pele sk. diboroutšhara, makwalodikgang, ditshwantsho, dikhalentara jljl.
Direkoto tsotlhe tse di sa umakiwang mo go 1-9 fa godimo di bontshiwa mo Rejisetareng ya difaele tse di Butsweng le Mametlelelo ya Taolo ya Direkoto. Phitlhelelo go ya ditlhokegong tsa morago e tla dirisediwa theo ya mong ka nosi.
Tshireletso ya loago e kaya thuso ka mokgwa wa dikabo kana kabo ya ditšhelete ka mmuso.
Batho ba ba dumelelwang go ya ka Molao wa 1992 wq Thuso ya Loago jaaka o mametleletswe, mme a rata go fitlhelela dikabo tse o tshwanetse go golagana le Kantoro e e gaufi ya Katlaatlelo koo motho a nnang go bona thuso.
Etleetsa mekgatlho e e ikaegileng ka baagi le mekgatlho e e seng ya mmuso. Tlhomamisa gore batlhoki le ba ba mo kotsing ya go tshwenngwa ba tlhokomelwa sentle.
Namolo ya leuba le ikaego ya baagi mo dikabong tsa loago le diphaselenyana.
Rebola diporojeke tse di tlhabololang di tswelela.
Go bona phitlhelelo kwa ditirelong golagana le efe kana efe ya dikantoro tsa Katlaatlelo, setopo se le sengwe gaufi le wena go bona thuso kana leletsa nomoro ya mahala 0800003077 go bona tshedimosetso e e fa pejana.
Ka "Kabinete kopana le Batho" le "Kabinete e kopana le mananeo a Baša", Khansele ya Phetiso e amogela ditshwaelo le Kopano e e ka tlhotlheletsang go bopiwa ga pholisi kana tiragatso ya ditiro tsa bona. Go feta fa, tshwetso ya go dira ya Khasele ya Phetiso e magareng ga tse dingwe e itsisiwe le go kaediwa ke ditlhokego tsa baagi tse di tlhagisiwang ka nako ya dintlha tsa kopano, di beilwe ka tatelano ya setlhokwa segolo.
Fa Motlhankedi wa Tshedimosetso a ka gana ka phitlhelelo kwa rekotong efe e e tshotsweng ke Naga kana Mokgatlho wa Setšhaba, motho yo o kopang tshedimosetso o tshwanelwa ke go ikuela tshwetso.. Go tsamaisana le se, fa phitlhelelo e ka rebolelwa rekoto e e amang lekoko la boraro, lekoko leo la boraro le lona le tshwanelwa ke go ikuela tshwetso. Boikuelo bo tla thadisiwa ke Bothati bo bo Maleba. Bothati bo bo Maleba bo tla sekaseka kopo le rekoto go ya ka ditlhaloso tsa Molao 2000, wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso.
Fa go ka fitlhelwa gore kopo e ne ya ganwa ka phoso, Bothati bo bo maleba bo tla busetsa morago tshwetso ya pele ya Motlhankedi wa Tshedimosetso le go neelana ka phitlhelelo kwa rekotong. Mokopi o tla itsisiwe jaanong ka tshwetso le madi a a tlhokegang a a dumelelwang tlhagiso ya rekoto kana karolo ya seo.
Mo lebakeng la gore Bothati bo bo Maleba bo tshegetsa tshwetso ya Mothankedi wa Tshedimosetso gore a se neele phitlhelelo kwa rekotong, mokopi o tla itsisiwe ka tshwetso. Mokopi o tla itsisiwe gape ka dipaakanyo tse di latelang.
Fale dipaakanyo tsotlhe tsa boikuelo ba ka fa gare, jaaka di lemogilwe ke Mokgatlho wa Setšhaba, di tlhobogilwe, mokopi o na le tshwanelo go ikuela kwa kgotlatshekelo..
Bo tshwanetse go diriwa mo foromong e e tlhalositsweng (jaaka e tlhagisitswe ke Mokgatlho wa Setšhaba) mo malatsing a le 60 le ale 30 a boikuelo ba lekoko la boraro.
Bo tshwanetse go romelwa kana go isiwa kwa Motlhankeding wa Tshedimosetso wa mokgatlho o o amegang wa setšhaba kwa dintlheng tsa kgolagano tsa gagwe.
Bo tshwanetse go bontsha setlhogo sa boikuelo ba ka fa gare.
Bo tshwanetse go neela mabaka a boikuelo ba ka fa gare.
Bo ka tsenyeletsa tshedimosetso e nngwe efe gape e e itsiweng ke moikuedi.
Fa, mo tlaleletsong ya karabo e e kwadilweng, moikuedi a tshwanetse go tlhagisa ka fao a eletsang go itsisiwe le dintIha tse dingwe tse di maleba go itsisiwe jalo.
Fa e le gore go ka nna le madi a boikuelo, madi a a tshwanetse go tshwaragana le boikuelo bo bo kwadilweng go ya Motlhankeding wa Tshedimosetso. Madi a boikuelo a a tlhalositsweng, fa a le teng, a tshwanetse go duelwa. Fa go ka diragala gore boikuelo bo se duelwe, tshwetso mo boikuelong e ka nna ya faposiwa go fitlha nako e madi a duetsweng.
Boikuelo bo bo kwadilweng bo tshwanetse go tlhalosa aterese ya poso kana nomoro ya fekese.
Fa boikuelo bo tsentswe morago ga nako e e fedileng, k.g.r malatsi a le 60 / 30, Bothati bo bo Maleba bo tshwanetse, mo lebakeng le le siameng le le bontshitsweng, bo dumelele go tsenngwa thari ga boikuelo ba ka fa gare. Fa bothati bo bo maleba bo ka se dumelele go tsenngwa thari ga boikuelo ba ka fa gare, bo tshwanetse go neela kitsiso kwa mothong yo o tsentseng boikuelo ba ka fa gare.
Dintlha tsa kgolagano tsa lekoko la boraro lefe le le tshwanetseng go itsisiwe.
Fa Bothati bo bo Maleba bo sekaseka boikuelo ba ka fa gare kgatlhanong le kgano ya kopo ya phitlhelelo kwa rekotong e e amang lekoko la boraro, Bothati bo bo Maleba bo tshwanetse go itsise lekoko la boraro ka boikuelo ba ka fa gare, kwa ntle le fa dikgato tsotlhe go fitlhelela lekoko la boraro di paletswe. Mo lebakeng la fa lekoko la boraro le tshwanetse go dumelelwa go dira dikemedi tsa mokwalo/molomo.
Fa lekoko la boraro le ka bo le sa fitlhelelwe, ntlha ya gore lekoko le boraro ga le a nna le tšhono ya go dira kemedi, ke lebaka leo boikuelo ba ka fa gare bo tshwanetseng go kgapelwa thoko.
Bothati bo bo maleba bo ka nna ba gatisetsa tshwetso ya pele kana bo ka nna ba ntsha tshwetso e ntšha. Tshwetso mo boikuelong ba ka fa gare e tshwanetse go dirwa mo malatsing a le 30 morago ga kamogelo ya boikuelo ba ka fa gare. Ka bonako morago ga tshwetso e dirilwe, Bothati bo bo maleba bo tshwanetse go neela kitsiso kwa moikueding, lekoko lengwe le lengwe la boraro le mokopi mme go fitlha fa go kgonegang go itsisiwe moikuedi ka mokgwa o o neng wa kopiwa.
Go bolelwe gore mekgatlho e e amegang, k.g.r moikuedi, lekoko la boraro, jljl. Ba ka tsenya kopo le kgotlatshekelo kgatlhanong le tshwetso mo boikuelong ba ka fa gare mo malatsing a le 60 kana 30 (lekoko la boraro).
Mo boitlhobogong ba ditsamaiso tsotlhe tsa boikuelo ba ka fa gare, mokopi o na le tshwanelo go fitlhelela kgotlatshekelo go ikuela pele.
Wa Baagi Tlaleletso x Motlhankedi 1.
<fn>tsn_Article_National Language Services_MOLAOTLHOMO O O AKARETSANG WA GO ABELA BANTSHO DITHATA TSA MERERO YA IKONOMI (2003).txt</fn>
Go tlhoma thulaganyo ya semolao ya go rotloetsa go abela bantsho dithata tsa merero ya ikonomi; go abela Tona dithata tsa go golola dikhoutu tsa mekgwa ya go dira le go phasalatsa melawana ya diphetogo; go tlhoma Khansele ya Bogakolodi ka ga go Abela Bantsho Dithata tsa Merero ya Ikonomi; mmogo le go dira ditshiamelo tsa merero e e tsamaelanang natso.
Molao o o akaretsa khoutu nngwe le nngwe ya mokgwa wa go dira kgotsa melawana e e tlhamilweng ka fa tlase ga Molao o.
d rotloetsa mananeo a dipeeletso a a letlang go nna le seabe ka kakaretso le ka botlalo mo mererong ya ikonomi ga batho bantsho go kgontsha tlhabololo e e tswelediwang le katlego ka kakaretso; le e tlhabolola baagi ba kwa magaeng le go abela baagi ba tikologo ka go ba kgontsha go fitlhelela ditiro tsa merero ya ikonomi, lefatshe, mafaratlhatlha, bong le bokgoni.
a go nne le bokgoni mo maikaelelong a ona; le b go tsamaelana le Molaotheo.
Merero ya Ikonomi.
Khansele e tshwanetse go gakolola Moporesidente ka ga go abela bantsho dithata tsa merero ya ikonomi.
Khansele e akaretsa Moporesidente le ditokololo tse dingwe di tla supiwang ke molaotheo wa Khansele.
Moporesidente ke modulasetulo wa Khansele.
Ka taelo Khansele e ka dira ditlamelo tse dingwe tsa molaotheo wa yona, paka ya nako ya go nna mo tirong ga ditokololo tsa yona, palo ya go tlhama khoramo, tsamaiso le morero mongwe le mongwe o o amang mokgwa wa yona wa go dira ditiro tsa yona.
Tona, ka go rerisana le Tona ya Matlotlo, e ka sweetsa ka go busa le go duela ditshenyegelo tsa ditokololo tsa Khansele.
f mokgwa wa go bega le go itsise ka ga go diragatsa go abela bantsho dithata tsa merero ya ikonomi ga ditheo tsa puso, bathapi le dikgwebo tse dingwe; le g morero mongwe le mongwe o o tlhokagalang go fitlhelela maikaelelo a Molao o.
a se se ikaeletsweng go tsamaelana le maikaelelo a Molao o; le b paka ya nako e se se ikaeletsweng se tshwanetseng go fitlhelelwa mo go yona.
a a phasalatsa tlhamo ya khoutu ya mokgwa wa go dira kgotsa mametlelelo mo Kaseteng gore setshaba se tshwaele ka ga yona; le b go abela batho ba ba nang le dikgatlhegelo paka ya nako ya bonnye jwa malatsi a le 30 go tshwaela mo tlhamong ya khoutu ya mokgwa wa go dira kgotsa mametlelelo, go ya ka fa go tlhokafalang ka teng.
a go sweetsa mabaka a a matshwanedi fa go ntshiwa dilaesense, kgotsa dithata dingwe le dingwe mabapi le molao mongwe le mongwe; le b go tlhabolola le go diragatsa maitlhomo a maikaelelo a a tshwanetseng a go bona ditirelo.
a le tlhabolotsweng ke ditlhopha tsa botlhokwa tse di nang le dikgatlhegelo mo lekaleng leo; le b go tsweletsa pele dikgatlhgelo tsa Molao o.
Lefapha la Merero ya Kgwebo le Madirelo le tshwanetse go abela Khansele ditirelo tsa botlhokwa tsa go e ema nokeng le matlole go tswa mo mading a a rebotsweng ke Palamente ka maikaelelo a.
a go tlhomiwa le ditshenyegelo tsa go dira tsa Khansele; le b go tlhabolola le go diragadiwa ga lenaane la ditlhaeletsano.
Tona a ka nna a tlhama melawana mabapi le morero mongwe le mongwe o o botlhokwa wa go laela go netefatsa go diragadiwa ga Molao o ka tshwanelo.
Molao o o itsege e le Molao o o Akaretsang wa go Abela Bantsho Dithata tsa Merero ya Ikonomi wa 2003, mme o tla simolola go dira ka letlha le le tla sweediwang ke Moporesidente ka kgoeletso mo Kaseteng.
Ikonomi ya Aforika Borwa e ka se ke ya kgona go gola ka bojotlhe jwa yona ka ntlha ya fa bontsi jwa Ma-Aforika Borwa bo amogela letseno le le kwa tlase mme e bile bo santse bo kgaphetswe kwa thoko gore bo se ke ba nna beng ba thoto e e sa sutisiweng le go se nne le bokgoni jwa kitso e e tsweletseng kwa pele. Se se tla lomeletsa Ma-Aforika Borwa otlhe mme ka jalo go tshwanetse ga tsewa dikgato tsa botlhokwa go oketsa go nna le seabe ka botlalo mo ikonoming ga bontsi jwa Ma-Aforika Borwa.
Molaotlhomo o o Akaretsang wa go Abela Bantsho Dithata tsa Merero ya Ikonomi (o fa tlase o itsegeng e le "Molaotlhomo") ke nngwe ya dikgato di le mmalwa tse di tsewang ke Puso go rarabolola bothata jo.
Khansele ya Bogakolodi ka ga go Abela Bantsho Dithata tsa Merero ya Ikonomi (e fa tlase e itsegeng e le "Khansele") e tshikintswe go nna setheo sa dikgakololo. Ditirelo tsa go ema nokeng le go abela Khansele matlole di tla abiwa ke Lefapha la Kgwebo le Madirelo (le fa tla le itsegeng e le "DTI").
tlhabolola baagi ba dikgaolo le badiri; le fokotsa go se lekalekane ga letseno le bohumanegi.
go abela baagi ba kwa dikgaolong tsa magae le tikologo dithata.
Go solofelwa gore ditokololo tsa Khansele di ka se ke tsa duelwa fa e se fela fa di busediwa ditshenyegelo tsa tsona le gore ditshenyegelo tsa go e tlhoma le ditiro tsa Khansele di tla duelwa mo ditekanyetsong tsa DTI.
Ga a yo ka gope.
Go tshikintswe gore GCIS (Setheo sa Lenaane la Tshedimosetso le Tlhaeletsano sa Puso) le DTI di tlhabolole lenaane le le anameng ka bophara la tlhaeletsano mabapi le go Abela Bantsho Dithata tsa Merero ya Ikonomi ka kakaretso le mo Molaotlhomong o ka totobalo.
Bagakolodi ba Puso ba Semolao le Lefapha la Merero ya Kgwebo le Madirelo ba supile fa Molaotlhomo o o tshwanetse go diragadiwa go tsamaelana le mokgwa wa go dira o o tlhomilweng go ya ka karolo ya bo 75 ya Molaotheo, ka o se na ditlamelo dipe tsa mokgwa wa go dira o o tlhalositsweng mo dikarolong tsa bo 74 kgotsa ya bo 76 go tsamaelana le Molaotheo.
<fn>tsn_Article_National Language Services_MOLAOTLHOMO O O TLHABOLOLWANG WA GO SENYA MPA (2003).txt</fn>
Mafoko a a tlantsweng ka ditlhaka tse kgolo ka mo masakaneng a bontsha mafoko a a tlogetsweng mo ditiragatsong tse di leng teng.
Mafoko a a thaletsweng ka mola o mokima a bontsha mafoko a a tsentsweng mo ditiragatsong tse di leng teng.
Go tlhabolola Molao wa Tlhopho ya go Senya Mpa, wa 1996, gore go phimolwe tlhaloso le go tsenya tse dingwe; go naya Mokhuduthamaga dithata tsa go rebola ditlamelo tse go ka senngwang mpa kwa go tsona; go golola ditlamelo tse di nayang tirelo ya baimana ya diura di le 24 mo tlhokegong ya gore ba bone tetla ya ditirelo tsa go senya mpa mo mabakeng a a rileng;go dira tlamelo ya gore go kwalwe tshedimosetso le gore go tlhagisiwe dipalopalo; go kgontsha bakhuduthamaga go dira melawana, gammogo le go tlamela ka merero e e amanang le ono.
mooki yo o kwadisitsweng' o kaya motho yo o kwadisitsweng jalo ka fa tlase ga Molao wa Booki wa 1978 (Molao wa bo50 wa 1978), mme a tsenetse katiso e e rebotsweng go ya ka Molao ono;
k Se rebotswe ke Mokhuduthamaga ka kitsiso mo Kaseteng.
Mokhuduthamaga a ka gogela morago thebolo nngwe le nngwe e e rebotsweng go ya ka karolwana 1k.
Setheo sengwe le sengwe sa boitekanelo se se nang le tirelo ya baimana ya diura di le 24, mme se ikobela ditlhokego tse di kailweng mo karolwaneng 1a go ya go j, se ka senya dimpa tsa go ya go, le go akaretsa dibeke di le 12 ntle le go tlhoka go bona thebolo ya Mokhuduthamaga.
Mokhuduthamaga o tla tlhagisa kwa go Tona, gangwe ka ngwaga, dipalopalo tsa ditheo dingwe le dingwe tse di rebotsweng mo ngwageng oo.
Go sa tlhokomologwe sepe se se ganetsanang le Molao ono, Tona a ka dira dingwe le dingwe tsa ditiro tse Mokhuduthamaga a ka, gongwe a tshwanetseng go di dira, fa go tlhokega gore di dirwe gore go fitlhelelwe maitlhomo a Molao ono.
a tshola rekoto ya tshedimosetso e e rebotsweng e a e amogelang go ya ka karolwana ya 3; le b go tlhagisa go tshedimosetso e e kabakanngwang mo temeng a go Mokaedikakaretso mo dikgweding dingwe le dingwe di le thataro.
[Tona] Mokhuduthamaga , ka mabaka a a tla laolwang ke ena, a ka rolela ka go kwala go [Mokaedikakaretso] Tlhogo ya Lefapha gongwe motlhankedi mongwe fela yo o mo tirelong ya Mmuso, dithata tse di neilweng [Tona] Mokhuduthamaga ka, gongwe ka fa tlase ga Molao ono, ntle le dithata tse di kailweng mo karolong ya 9.
) Mokaedikakaretso Tlhogo ya Lefapha, ka mabaka a a tla laolwang ke ena, a ka rolela ka go kwala go motlhankedi mongwe fela yo o mo tirelong ya Mmuso, dithata tse di neilweng Mokaedikakaretso Tlhogo ya Lefapha ka, gongwe ka fa tlase ga Molao ono, gongwe tse di roletsweng mo go ena ka fa tlase ga karolwana.
[Tona gongwe Mokaedikakaretso] Mokhuduthamaga gongwe Tlhogo ya Lefapha ga a kitla a amogwa dithata dipe fela tse a di roletseng go mongwe, mme ga a tshwanela go fetola gongwe go beela thoko tshwetso epe fela e e tserweng ke motho yo o neng a diragatsa dithata tse di roletsweng mo [go ena] mothong yoo
[Tona] Mokhuduthamaga, ka puisano le Tona, a ka dira melawana e e malebana le morero mongwe le mongwe fela o [a ka o akanyang] o le botlhokwa gongwe o tshwanetse go rebolwa gore [go fitlhelelwe maitlhomo] go tsenngwe tirisong Molao ono ka tolamo.
c o thibelang go ntshiwa ga mpa go go mo molaong gongwe a kgoreletsa kgonagalo ya phitlhelelo ya setheo se se nang le tirelo ya go senya mpa; gongwe d o senyang mpa gongwe a letla gore go senngwe mpa kwa setheong se se sa rebolwang go ya ka karolo ya 31, o tla bo a le molato mme a ka tshwanelwa ke go tshwarwa gongwe go lefisiwa gongwe tlhatlhelwa kwa kgolegelong sebaka se se sa feteng dingwaga di le 10.
Molaomogolo jaanong o tlhabololwa ka kemedi ya tlhaloso ya "mooki yo o kwadisitsweng yo o belegisang", gongwe le gongwe fa e tlhagelelang gona, ka tlhaloso ya "mooki yo o kwadisitsweng".
Setheo sengwe le sengwe se se goeleditsweng go ya ka karolo ya 3 ya Molaomogolo pele ga tshimologo ya Molao ono, se tshwanetse go tsewa se setse se rebotswe ke Mokhuduthamaga go ya ka karolo ya 3 (b) ya Molaomogolo jaaka o tlhabolotswe ke Molao ono.
Molao ono o bidiwa Molao o o Tlhabolotsweng wa Tlhopho ya go Senya Mpa wa 2003.
f go baya tlhokego ya gore ditlhogo tse di maleba tsa mafapha a porofense di tlhagise tshedimosetso e e rileng e e laotsweng, go Mokaedi Kakaretso wa Boitekanelo; le f go dira gore fa motho mongwe a ka ntsha mpa e se ka fa molaong gongwe a ka letla gore go ntshiwe mpa kwa setheong se se sa rebolwang go ya ka Molao, seo e nne molato.
Molaotlhomo o phasaladitswe mo Kaseteng go ngoka ditshwaelo tsa setšhaba. Ka ntlha ya fa tlhabololo e sa akaretse go suta thata mo pholesing, Lefapha le tsere fela ditshwaelo tse di amogetsweng.
Ntle le dikopo tse di solofetsweng go oketsega tsa go ntsha mpa, tse e leng gore di ka baka koketsego e se seng kae ya ditekanyetsokabo tsa dipetlele tse di farologaneng, ga go a solofelwa gore ditšhelete di amege mo go kalo. Go solofetswe fa ditshenyegelo tse di ka nnang teng di tla kgona go akarediwa mo tekanyetsokabong ka kakaretso e e abelwang ditheo.
<fn>tsn_Article_National Language Services_MOLAOTLHOMO WA BOJALWA.txt</fn>
Molao o o akaretsa mametlelelo nngwe le nngwe, melawana kgotsa dikitsiso tse di tlhamilweng kgotsa tse di golotsweng go ya ka mabaka a Molao o.
go farologanya bong mo madirelong a; le iii boitsholo jo bo boikarabelo jwa mo setšhabeng mo madirelong a.
Go ya ka mabaka a karolwana ya bo 2, Molao o o tla diragadiwa go kgabaganya Rephaboliki yotlhe ya Aforika Borwa.
a motho yo o kwadisitsweng kgotsa setlamo se se rekang go tswa kwa mafatsheng a boditšhabatšhaba, se se tlhagisang, se se tshelang mo mabotlolong, kgotsa se se rekang go feta selekano sa bontsi jo bo laetsweng jwa bojalwa; kgotsa b motho kgotsa setlamo se se eletsang go ikwadisa, le se se solofelang gore fa se sena go ikwadisa, se tla reka go tswa kwa mafatsheng a boditšhabatšhaba, sa tlhagisa, sa tshela mo mabotlolong, kgotsa se se rekang go feta selekano sa bontsi jo bo laetsweng jwa bojalwa.
Tona, ka kitsiso mo Kuranteng ya Mmuso, e ka laela selekano sa bontsi jwa bojalwa go ya ka mabaka a karolwana ya bo 2.
Tona e tshwanetse go laola go titiela bojalwa le go bo phasalatsa go ya ka mabaka a Molao o.
Fa porofense e tlhamile melao e e itumedisang ditlhokego tsa karolo ya bo 5, setheo sa porofense se se tlhamilweng go ya ka mabaka a molao oo, se tshwanetse go laola botitiedipotlana, kgwebo e e rekisang bojalwa le go nowa ga bojalwa kwa porofenseng eo go ya ka mabaka a Molao o, le go diragadiwa ga melao e e tshwanetseng ya porofense.
dumelela batho ba ba nang le kgatlhego go tlhatlhoba khophi ya buka ya go kwadisiwa mme fa ba duela madi a a rileng ba dumelelwe go ithekela khophi ya buka ya go kwadisiwa kgotsa bontlhanngwe jwa yona; le iii bega tshedimosetso e e umakilweng mo temaneng ya bo i kwa go Tona bonnye gangwe ka kgwedi; le iv tlhama mekgwa e e lekaneng go netefatsa gore mekgwa e e elwa tlhoko le go diragadiwa ka tshwanelo go ya ka mabaka a Molao o, le melao ya diporofense.
Go ya ka mabaka a Molao o, dikgotlatheomolao tsa diporofense di ka nne tsa se ke tsa tlhama bontsi jwa bogolo jwa dingwaga tse di kwa tlase ga di le 18.
Motho ga a tshwanela go titiela, go phasalatsa, go dira kgwebo ya go rekisa, go aba kgotsa go tshola dipiriti tse di metheleitilweng kwa ntle ga mabaka a a tsamaelanang le molao.
a "isityimiyana", "hopana", "qediviki", "skokiaana", "uhali", kgotsa "barbertone"; kgotsa b leina le le sa kwadiwang mo temaneng ya a, fa diteng tsa motswako kgotsa seno di tshwana kgotsa di utlwala le go tshwana thata le mongwe le mongwe wa metswako e e umakilweng mo temaneng ya a.
a go tshela motswako o o koafatsang mmele wa motho mo bojalweng; kgotsa, b go tshela motswako mongwe le mongwe mo bojalweng o o dirang gore motswako o o metsi o koafatse mmele wa motho kwa ntle ga fa motswako o o metsi oo kgotsa motswako oo e le motswako o o letleletsweng go tswakanngwa ka nako ya fa go titielwa bojalwa ka nosi.
Motho ga a tshwanela go titiela, go phasalatsa, go dira kgwebo ya go rekisa, kgotsa go aba motswako mongwe le mongwe ka leina la bojalwa, fa motswako oo e se bojalwa ka gope jaaka bo tlhalositswe mo Molaong o.
Go tlola molao wa karolo e ke molato.
Ditshiamelo tsa karolo e ga di na seabe sepe mo batitieding ba bojalwa jwa mabele.
Motho yo o kwadisitsweng ga a tshwanela go amogela bojalwa jo a bo rometsweng mme bo sa rekiwa ke motho yo o kwadisitsweng yoo.
Motitiedi kgotsa motitiedipotlana yo o kwadisitsweng o tshwanetse go boloka bojalwa fela mo lefelong le le kwa thoko kgotsa karolo ya ditshiamelo tsa go titiela tse di beetsweng thoko lebaka le mo molaong kgotsa mo mabakeng a go kwadisiwa.
Mophasalatsi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go boloka bojalwa fela mo karolong ya setsha e e beetsweng thoko lebaka le mo molaong kgotsa mo mabakeng a go kwadisiwa.
Kwa ntle ga molao o mongwe le mongwe kgotsa konteraka ngwe le ngwe e e farologanang le se, motho yo o kwadisitsweng ga a tshwanela go thapa motho yo a iseng a fitlhelele bogolo jwa dingwaga di le 16, kwa ntle ga fa mothapiwa a katisiwa kgotsa a rutelwa mo tirong jaaka go tlhalositswe mo karolong ya bo 16 ya Molao wa go Tlhabolola Bokgoni, wa 1998 Molao wa Nomoro ya bo 97 wa 1998.
Ke fela motho yo o kwadisitsweng kgotsa yo o reboletsweng laesense go dira kgwebo ya go rekisa yo a ka rekisang kgotsa a aba bojalwa go motho yo o sa kwadisiwang kgotsa yo o sa abelwang laesense.
b molao o o tshwanetseng wa diporofense; kgotsa c mabaka a laesense ya gagwe kgotsa go kwadisiwa ga gagwe.
a ka bofora kgotsa ka mokgwa wa go tsietsa; kgotsa b gore o a bo rekisa ka mokgwa o o seng ka fa molaong go ya ka mabaka a Molao o kgotsa molao o o tshwanetseng wa diporofense; kgotsa c ka mokgwa o o ikaeletsweng kgotsa mokgwa wa go ngoka bašwa.
Motho ga a tshwanela go babatsa motswako mongwe le mongwe gore ke bojalwa fa motswako oo e se bojalwa ka gope jaaka bo tlhalositswe mo Molaong o.
Go tlola molao wa karolo e ke molato.
Mogwebi yo o rekisang bojalwa ga a tshwanela go rekisetsa kgotsa go abela bana bojalwa.
Motho ga a tshwanela go neela ngwana bojalwa, kwa ntle ga fa motho wa go nna jalo e le motsadi kgotsa motho yo o godisang ngwana yoo.
Motho o tshwanetse go tsaya dikgato tse di utlwalang go netefatsa ka nepagalo gore a motho ke ngwana kgotsa nnyaya, pele a mo rekisetsa kgotsa a mo abela bojalwa.
Ngwana ga a tshwanela go ntsha bosupi jo bo fosagetseng jwa bogolo jwa dingwaga tsa gagwe ka maikaelelo a go tsietsa motho gore a mo rekisetse bojalwa kgotsa a abele ngwana bojalwa.
Motho ga a tshwanela go ntsha bosupi jo bo fosagetseng ka ga bogolo jwa dingwaga tsa ngwana ka maikaelelo a go tsietsa motho gore a rekisetse kgotsa a abele ngwana bojalwa.
Go tlola molao wa karolo e ke molato.
b sekgala sa mabala a metshameko jaaka se dumeletswe ka molao o o tshwanetseng wa diporofense; kgotsa c lefelo lengwe le lengwe le le rileng le go thibetsweng go ya ka mabaka a molao o o tshwanetseng wa porofense.
Motho ga a tshwanela go tagiwa le go nna le maitsholo a a sa amogelesegeng mo setsheng se se kwadisitsweng.
a lefelo lengwe le lengwe le setšhaba se tshwanetseng go tsena mo go lona go sa kgathalesege gore a go duedisiwa madi a go tsena kgotsa nnyaya kgotsa mo go tsena go beetsweng thoko mofuta o o rileng wa batho; kgotsa b mofuta mongwe le mongwe wa dipalangwa tsa botlhe.
Go tlola molao wa karolo e ke molato.
Motlhatlhobi a ka laela motho yo o kwadisitsweng kgotsa mogwebi yo o rekisang bojalwa go tswala setsha se se kwadisitsweng paka ya nako nngwe le nngwe fa motlhatlhobi a na le bosupi jo bo tletseng jwa gore go ka tsoga tlhatlhakano gaufi le setsha se se kwadisitsweng seo.
Motho a ka obamela le go tsamaelana le taelo ka bonako jwa pong ya leitlho go ya ka mabaka a karolwana ya bo 1.
a go dirisa dikgoka mo go lekanetseng; kgotsa b go bitsa Matsholo a Sepodisi sa Aforika Borwa.
Taelo nngwe le nngwe e e ntshitsweng go ya ka mabaka a karolwana ya bo 1, e tshwanetse go phimolwa ka bonako jo bo kgonagalang morago ga go fela ga maemo a a dirileng gore taelo eo e ntshiwe.
Motho ga a tshwanela go titiela kgotsa go phasalatsa bojalwa kwa ntle ga fa motho wa go nna jalo a kwadisitswe go dira jalo go ya ka mabaka a Molao o.
Go tlola molao wa karolo e ke molato.
i motho yo o jetsweng thoto mme a ka se tlhole a ka kgona go simolola kgwebo gape; kgotsa ii motho yo o sa itekanelang mo tlhaloganyong.
a motitiedi wa bojalwa, ka tetla kgotsa kwa ntle ga tetla ya go phasalatsa bojalwa; kgotsa b mophasalatsi wa bojalwa.
Motho a ka kwadisiwa go tswelela go titiela le go phasalatsa bojalwa go tswa mo setsheng se le sengwe.
Motho yo a sa thibelwang go kwadisiwa go ya ka mabaka a karolo ya bo 16 a ka dira kopo ya go kwadisiwa ka go romela kopo ya go nna jalo kwa go Tona ka mokgwa le mo fomong e e laetsweng.
a kopa tshedimosetso ya tlaleletso go tshegetsa kopo ya go nna jalo; le b gana kopo ya go kwadisiwa fa mokopi a sa romela tshedimosetso nngwe e e kopilweng go ya ka mabaka a temana ya a.
a go kwadisa kgotsa go se kwadise mokopi; le b gore ke mabaka afe a mangwe gape, fa a le teng, a a tshwanetseng go mamarediwa mo kopong.
a Fa e le gore mokopi o na le bokgoni le ditlhokego tse dingwe tsa botlhokwa tsa go tsamaisa kgwebo e go tshikhinngwang gore e kwadisiwe.
b Mekgwa le boitekanelo jwa mokopi.
v go romela thoto kwa mafatsheng a boditšhabatšhaba; kgotsa vi kgaisano ya disela mmapa mo teng ga madirelo a bojalwa.
Go tlaleletsa ditshiamelo tsa karolwana ya bo 3, fa mokopi e le setlamo se se nang le mokaedi, tokololo, moterasete, semphato kgotsa tokololo ya boto ya sona kgotsa ditokololo tsa bokhuduthamaga tse di welang mo mefuteng ya batho ba ba umakilweng mo karolong ya bo 16a go fitlhela go c, Tona e ka tshikhinya maemo a a rulaganyeditsweng go thibela motho wa go nna jalo gore a se ke a nna le dithata tsa go tsaya ditshweetso, go tsamaelana le ditiragalo tse di tshikhintsweng tsa go kwadisiwa.
Fa Tona e gana kopo, Tona e tshwanetse go itsise mokopi mabaka a go e gana ka go kwala tshweetso ya yona.
Fa Tona e tshikhinya go gokelela mabaka mo kopong ya go kwadisiwa, Tona e tshwanetse go itsise mokopi ka ga mabaka a a tshikhintsweng, mmogo le mabaka a go dira jalo.
a malatsi a le 30 go tswa mo letlheng le mokopi a itsisitsweng ka lona ka ga tshikhinyo eo; kgotsa b paka ya nako e telele e e tla dumelelwang ke Tona, ka boikanyego.
i gana go kwadisa mokopi; kgotsa ii re kwa bofelong ya sweetsa ka ga mabaka a a tshwanetseng go tsenngwa, mme ya kwadisa mokopi.
i Tona e ganne go kwadisa mokopi; kgotsa ii Tona e mametleletse mabaka a a tshikhintsweng mo nakong e e fetileng.
Setifikeiti se se santseng se dira, kgotsa khophi e e netefaditsweng ya sona, ke bosupi jo bo tletseng jwa gore motho o kwadisitswe go ya ka mabaka a Molao o.
i motho yo o kwadisitsweng a phimolwa go kwadisiwa ii mo lebakeng la setlamo, se garetswe kgotsa se phatlhaladitswe; kgotsa iii go kwadisiwa go phimotswe go ya ka mabaka a Molao o.
Motho yo o kwadisitsweng o tshwanetse go supa maemo le go kwadisiwa ga gagwe le nomoro ya go kwadisiwa mo dikwalong tsotlhe tsa go tsamaisa kgwebo ya gagwe.
b motho kgotsa setlamo se go kwadisiwa go tshwanetseng go fetisediwa kwa go sona se sa ganelwe ka tumelelo go ya ka mabaka a karolo ya bo 16; le c Tona e sekasekile kopo le go dumela go fetisediwa.
Dikarolo tsa bo 182, 19 le 20, fa nngwe le nngwe e buisiwa le diphetogo tse di tlhokagalang mo diteng tsa tsona, di ka diragadiwa mo kopong go ya ka mabaka a karolwana ya bo 1.
Fa motho kgotsa setlamo se se kwadisitsweng se amogela kgotsa se rekisa dikgatlhegelo tsa sona mo mothong kgotsa setlamo se sengwe se se kwadisitsweng mme se na le dikgatlhegelo tsa mofuta o o farologaneng, kgotsa fa batho kgotsa ditlamo di le pedi kgotsa go feta di tlhoma kgwebo e e kopanetsweng e e tla tshegetsang mofuta wa go kwadisiwa o o farologaneng le mofuta o sengwe le sengwe se kwadisitsweng ka ona, batho kgotsa ditlamo tse di kwadisitsweng di tshwanetse go itsise Tona ka mokgwa le mo fomong e e laetsweng.
Tona e tshwanetse go sekaseka kitsiso go ya ka mabaka a karolwana ya bo 3, ya go tlhatlhoba maemo a a tlhomilweng mo mabakeng a karolo ya bo 193d, mme e ka dumela, ya mamaretsa mabaka a mangwe kgotsa ya gana tshikhinyo ya kgwebisano eo.
Karolo ya bo 20, fa e busisiwa le diphetogo tsa botlhokwa tsa diteng, e diragadiwa mo tshweetsong ya Tona go ya ka mabaka a karolwana ya bo 4.
Motho yo o kwadisitsweng yo o kopang go kwadisiwa kgotsa go rebolelwa laesense ya mokgebi ya go rekisa go ya ka mabaka a molao o o tshwanetseng wa porofense o tshwanetse go itsise Tona ka ga kopo eo ka mokgwa le mo fomong e e laetsweng.
i sekasekile go kwadisiwa ka mabaka a diphetogo tse di tshikhintsweng, le go e dumelela gape, ka maemo a diphetogo kgotsa kwa ntle ga tsona; kgotsa ii beetse thoko tshono ya go sekaseka go kwadisiwa.
Mo pakeng ya nako ya malatsi a le 30 morago ga go amogela kitsiso go ya ka mabaka a karolwana ya bo 2, Tona e tshwanetse go itsise motho yo o kwadisitsweng fa Tona e tla sekaseka go kwadisiwa, kgotsa go beela thoko tshono ya go e sekaseka gape.
Dikarolo tsa bo 182, 19 le ya bo 20, fa nngwe le nngwe e buisiwa le diphetogo tsa botlhokwa tsa diteng, di diragadiwa mo kitsisong go ya ka mabaka a karolo e.
a o tswelela go tsamaisa kgwebo e e kwadisitsweng mo leineng la boswa; kgotsa b o tshikhinya kwa go Tona go ya ka mabaka a karolo ya bo 22 gore a fetisetse go kwadisiwa kwa mothong yo mongwe yo o lebaneng.
Motho mongwe le mongwe a ka dira kopo ka mokgwa o o laetsweng kwa go Tona gore go tlhomiwe motho yo o tla tsamaisang kgwebo ya motho yo o kwadisitsweng, fa go santse go letilwe go tlhomiwa ga motsamaisi yo o tlhalositsweng mo karolwaneng ya bo 2.
b ga go ise go tlhomiwe motsamaisi; le c go mabaka a a utlwalang a gore motsamaisi o tshwanetse go tlhomiwa.
Motho yo o tlhomilweng go ya ka mabaka a karolwana ya bo 3 o tshwanetse, mo mabakeng a go tsamaisa thoto le boswa, go tswelela go tsamaisa kgwebo e e kwadisitsweng ka leina la thoto le boswa, go fitlhela go tlhomiwa motsamaisi jaaka go tlhalositswe mo karolwaneng ya bo 2.
Tona e ka laela madi a go kwadisiwa a a duelwang ngwaga le ngwaga, a a ka farologanang go ya ka mabaka a a tla sweediwang ke Tona.
b a sa kgonang go itumedisa maikano a ditlhokego tsa gagwe go ya ka mabaka a go abela bantsho dithata tsa merero ya ikonomi, mme e bile a sa kgone go supa mabaka a gore ke eng a paletswe go dira jalo; kgotsa c a sa kgoneng go itumedisa maikano a gagwe kgotsa go tsamaelana le maano a go lwantsha tiriso e e botlhaswa ya nnotagi, kgotsa a tlotseng Molawana o amogetsweng wa Maitsholo, mme e bile a sa kgone go supa mabaka a gore ke eng a paletswe ke go dira jalo.
Pele e tsenya maemo go ya ka mabaka a karolwana ya bo 1b kgotsa c, Tona e tshwanetse go abela motho yo o kwadisitsweng tshono e e utlwalang ya go siamisa se a se tlhaelang mo maitsholong a gagwe.
Karolo ya bo 20 3 go fitlhela go ya bo 6, fa nngwe le nngwe e buisiwa le diphetogo tse di botlhokwa tsa diteng, e diragadiwa mo tshikhinyong ya Tona ya go tsenya maemo go ya ka mabaka a karolo e.
b ka go ithaopa ga motho yo o kwadisitsweng, go ya ka mabaka a karolo ya bo 28; kgotsa c ka ntlha ya mabaka a go jelwa thoto, go garelwa, kgotsa go phatlhaladiwa, go ya ka mabaka a karolo ya bo 29.
c fa a tlola molao gangwe le gape, kgotsa fa kgapetsa kgapetsa a palelwa ke go itumedisa maikano a gagwe jaaka a tlhalositswe mo karolong ya bo 193b kgotsa c; kgotsa d a sa obamele ditlhokego tsa Molao o.
i a paletswe ke go tsamaelana le taelo ya Tona e a e filweng go ya ka mabaka a karolo ya bo 394; kgotsa ii ga a atlega go ikuela kgatlhanong le taelo eo go ya ka mabaka a karolo ya bo 40.
b mabaka a go phimolwa; le c letlha la go phimolwa.
a go phimola setifikeiti sa go kwadisiwa; le b go siamisa buka ya go kwadisiwa ka fa go tshwanetseng ka teng.
Go kwadisiwa go phimolwa mo letlheng le Tona e phimolang setifikeiti sa go kwadisiwa ka lona, seo, mo mabakeng a go phimolwa go ya ka mabaka a karolo ya bo 28, se tshwanetseng go nna mo letlheng le le totobaditsweng ke motho yo o kwadisitsweng mo kitsisong ya go ithaopa go phimolwa.
a ka go tlhalosa maikaelelo a motho a go ithaopa go phimola go kwadisiwa mmogo le mabaka a go dira jalo; le b ka go itsise letlha, bonnye malatsi a le 60 morago ga letlha la kitsiso, leo go phimolwa go tla diragadiwang ka lona.
Fa thoto le boswa jwa motho yo o kwadisitsweng bo tswalwa kgotsa bo phatlhaladiwa kwa ntle ga go fetisetsa go kwadisiwa go ya ka mabaka a karolo ya bo 22, motsamaisi wa thoto le boswa o tshwanetse go itsise Tona ka mokgwa le mo fomong e e laetsweng ka ga lebaka leo mo malatsing a le 30 morago ga go jelwa thoto le boswa, go tswalwa kgotsa go phatlhaladiwa.
Fa e se na go amogela kitsiso go ya ka mabaka a karolo e, Tona e tshwanetse go phimola go kwadisiwa mo go amegang.
Motho mongwe le mongwe a ka dira boikuelo kwa Kgotlatshekelokgolo go kopa go sekasekwa ga tshweetso ya Tona go ya ka mabaka a Kgaolo e.
Motho a ka dira kopo ya boikuelo fela morago ga malatsi a le 60 tshweetso eo e se na go tsewa.
Kgotlatshekelokgolo, ka boikanyego, e ka dumelela kopo ya go sekasekwa e e dirilweng morago ga nako go ya ka mabaka a karolo e.
Mo godimo ga mabaka mangwe le mangwe a go siamisa maemo a, Kgotlatshekelo e a sekasekang, Kgotlatshekelokgolo e ka ntsha taelo e e beelang thoko maemo mangwe le mangwe a a mamareditsweng mo go kwadisiweng, fa e le gore kgotlatshekelo ga ya itumelela gore maemo ao ga se a a utlwalang le a a tshwanetseng, e ntse e etsetlhoko maikaelelo le maikemisetso a Molao o, maemo a kopo, le mabaka a karolo ya bo 19.
b go kwadisiwa ga bona go fetotsweng; kgotsa c ba ba phimotseng go kwadisiwa ga bona.
b ba go kwadisiwa ga bona go phimotsweng mo ngwageng wa ditshelete o o amegang; le c ba ba ithaopileng go phimola go kwadisiwa kgotsa ba kgwebo ya bona e tswaletsweng kgotsa ba e phatlhaladitsweng mo tsamaong ya ngwaga wa ditshelete o o amegang.
a tlhatlhoba khophi ya setifikeiti sa go kwadisiwa se se rebotsweng go ya ka mabaka a Molao o; le b iponna khophi ya sona, fa a duela madi a a laetsweng.
Tona a e ka abela motho mongwe le mongwe dithata tsa go nna motlhatlhobi, ka dithata tsa kakaretso kgotsa tse di kgethegileng go diragatsa dithata tsa mabaka a Molao o; le b e tshwanetse go abela motlhatlhobi mongwe le mongwe setifikeiti ka mokgwa le mo fomong e e laetsweng mo e tlhalosang gore motho wa go nna jalo o tlhomilwe go nna motlhatlhobi.
Setifikeiti se se santseng se na le dithata le se se rebotsweng go ya ka mabaka a karolwana ya bo 1b se lekane go nna bosupi jwa dithata tsa motlhatlhobi yo leina la gagwe le tlhagelelang mo go sona.
Fa a diragatsa dithata tsa gagwe go ya ka mabaka a Molao o, motlhatlhobi o nna le maemo a motlhankedi yo o tshegetsang kagiso jaaka a tlhalositswe mo karolong ya bo 1 ya Molao o o Kgatlhanong le Bosenyi, wa 1977 Molao wa Nomoro ya bo 51 wa 1977.
i go netefatsa, go diragadiwa le go obamelwa ga Molao o kgotsa molao mongwe le mongwe; kgotsa ii go dira tiro ya go tlhatlhoba go ya ka mabaka a Molao o kgotsa a molao oo.
f mo mabakeng a go tlhatlhoba, a ka tsaya ditshwantsho kgotsa a gatisa mantswe le ditshwantsho tsa sengwe le sengwe kgotsa motho mongwe le mongwe, tiragalo, dikgato kgotsa maemo a a tshwaraganeng le ditlhatlhobo mo, kgotsa e e mabapi le lefatshe kgotsa setsha sengwe le sengwe; le g dira dilo tsotlhe tse di tlhokegang tsa go dira ditlhatlhobo.
a rebola resiti ya sona a e neye mong kgotsa motho yo o mo taolong ya setsha seo; le b kwa ntle ga fa e le morero o o tlhalositsweng mo karolwaneng ya bo 1e, o tshwanetse go se busa ka bonako jo bo kgonagalang morago ga go wetsa tiro e se neng se tseelwa go e dira.
Motlhatlhobi a ka patiwa ka nako ya go tlhatlhoba ke tokololo ya Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa le motho mongwe le mongwe yo a leng botlhokwa ka tshwanelo go thusa fa go dirwa ditlhatlhobo.
Motlhatlhobi a ka tsena mo setsheng sengwe le sengwe fa magiseterata a rebotse lekwalo le le mo letlang go dira jalo go tsamaelana le karolwana ya bo 2.
a go tsena le go tlhatlhoba setsha ka mabaka a go bona tshedimosetso go botlhokwa, mo dikgatlhegelong tsa setšhaba, e le tse di ka se keng tsa bonwa kwa ntle ga go tsena mo setsheng seo; kgotsa b Molao ga wa obamelwa ka gope.
a e supe setsha se go tshwanetseng go tsenwa mo go sona le go se tlhatlhoba; le b e abele motlhatlhobi dithata tsa go tsena le go tlhatlhoba setsha seo le go dira sengwe le sengwe se se tlhalositsweng mo karolong ya bo 33.
c mabaka a e neng e rebolwa ka ona, a rarabolotswe kgotsa a nyeletse; kgotsa d go setse go fetile malatsi a le 90 fa e sa le tumelelo e rebolwa.
i mong a se teng mme go se motho ope yo go ka dumelwang gore ke ena yo o letleletsweng go laola setsha seo; kgotsa ii mong kgotsa motho yo go dumelwang gore ke ena yo o letleletsweng go laola setsha seo, ba gana go amogela khophi.
i e seng go feta makgetlo a le marataro mo pakeng ya nako ya dikgwedi di le 12; kgotsa ii kgapetsa kgapetsa fa a dumeletswe ka molao mongwe le mongwe ka maikaelelo a go dira tiro ya go tlhatlhoba.
a fa a letleletswe go dira jalo ka molao mongwe le mongwe; kgotsa b ka mabaka a kitsiso e e ntshitsweng mme e ise e diragadiwe go ya ka mabaka a karolo ya bo 38, ka maikaelelo a go netefatsa gore a mabaka a kitsiso eo a diragaditswe.
b go tlhalosetsa motho wa go nna jalo dithata tseo ka tsona tlhatlhobo e dirwang; le c go supetsa motho wa go nna jalo setifikeiti sa maemo a motlhatlhobi.
Go tsena le go tlhatlhoba kwa ntle ga tetla ya go tsena go ka dirwa fela ka nako ya diura tse di tlwaelegileng tsa tiro.
Motlhatlhobi yo o dirang tiro ya go tlhatlhoba go ya ka mabaka a karolo ya bo 34, a ka ema kgatlhanong le go ganelwa go tsena kgotsa go tlhatlhoba ka go dirisa dikgoka ka mokgwa o o tshwanetseng le fa go tlhokagalang, go akarediwa le go roba dinotlolo, kgoro kgotsa letlhabaphefo tsa lefatshe kgotsa setsha se a tshwanetseng go tsena mo go sona.
Pele a dirisa dikgoka, motho yo o diragatsang tetla ya go tsena o tshwanetse go kopa ka puo ya molomo le go bega maikaelelo a gagwe, kwa ntle ga fa go dumelwa gore ka go dira jalo a ka tlhotlheletsa motho mongwe go senya, go latlha, kgotsa go mekamekana le selo sengwe kgotsa dikwalo tse di ikaeletsweng go tlhatlhobiwa.
Tona e tshwanetse go duela motho mongwe le mongwe yo o senyeditsweng ka ntlha ya go tsena ka kgapeletso ka nako ya go tlhatlhoba fa go ne go se ope yo o rweleng maikarabelo a setsha seo.
Go ya ka mabaka a molao mongwe le mongwe kgotsa ka mabaka a tshoganyetso, ga go a tshwanela go dirisiwa dikgoka go tsena kgotsa go tlhatlhoba go ya ka mabaka a karolo ya bo 35.
Motho mongwe le mongwe yo o tshotseng sekwalwa se se tlhokegang mo tlhatlhobong o tshwanetse go ntsha sekwalwa seo fa a kopiwa ke motlhatlhobi.
Mong kgotsa motho o o nnang mo lefatsheng kgotsa mo setsheng o tshwanetse go thusa ka ditshiamelo dingwe le dingwe tse di tlhakiwang ke motlhatlhobi gore tiro ya gagwe ya go tlhatlhoba e diragale ka katlego.
Pele a botsolotsa motho dipotso go ya ka mabaka a Kgaolo e, motlhatlhobi o tshwanetse go itsise motho wa go nna jalo ditshwanelo tsotlhe tsa molaotheo tse di mo amang.
Motho yo o bodiwang dipotso ke motlhatlhobi go ya ka mabaka a Kgaolo e, o tshwanetse go araba potso nngwe le nngwe ka boammaruri le ka bokgoni jotlhe jo a nang najo.
b go ntsha bosupi jo bo fosagetseng; kgotsa c go palelwa ke go araba potso ya semolao ka botlalo le ka boammaruri.
a motho yo o kwadisitsweng; kgotsa b mong wa setsha se se kwadisitsweng kgotsa motho yo go dumelwang gore o filwe tetla ya go laola setsha se se kwadisitsweng.
c dikgato dingwe le dingwe tse di tlhokagalang go tsewa le paka ya nako eo dikgato tseo di tshwanetseng go tsewa mo go yona; le d kotlhao nngwe le nngwe e e tshwanetseng go dirisiwa go ya ka mabaka a Molao o fa dikgato tseo di sa tsewa.
Fa motlhatlhobi a itumeletse gore mabaka a kitsiso a obametswe, motlhatlhobi a ka rebola setifikeiti sa go supa gore a obametswe.
Kitsiso ya go obamela e e tlhalositsweng mo karolong ya bo 1 e tswelela go dira go fitlhela motlhatlhobi a golola setifikeiti sa gore e obametswe se se tlhalositsweng mo karolwaneng ya bo 3 go tsamaelana le kitsiso eo.
a malatsi a le 21 morago ga go amogela kitsiso eo; kgotsa b paka ya nako e telele e e dumelelwang ke Tona ka boikanyego.
Morago ga go sekaseka ngongorego nngwe le nngwe ya mongongoregi le tshedimosetso nngwe le nngwe, Tona e ka netefatsa, ya rulaganya seshwa kgotsa ya phimola kitsiso ya go obamela kgotsa karolo nngwe le nngwe ya kitsiso eo.
Tona e tshwanetse go romela khophi ya kitsiso e e dirilweng go ya ka mabaka a karolwana ya bo 2 go mongongoregi le, fa mongongoregi e se motho yo o kwadisitsweng go ya ka mabaka a Molao o, motho mongwe le mongwe yo o kwadisitsweng yo o amiwang ke kitsiso.
Fa Tona e netefatsa kgotsa e rulaganya sešwa kitsiso kgotsa karolo nngwe le nngwe ya kitsiso, mongongoregi o tshwanetse go obamela kitsiso eo mo pakeng ya nako e e totobaditsweng mo kitsisong eo.
Mongongoregi a ka ikuela kwa Kgotlatshekelokgolo kgatlhanong le taelo e e ntshitsweng ke Tona go ya ka mabaka a karolo ya bo 394 mo pakeng ya malatsi a le 21 morago ga go amogela taelo eo.
Taelo e e dirilweng go ya ka mabaka a karolo ya bo 394 e ka beelwa thoko fa go santse go letilwe tshweetso ya boikuelo.
Kwa ntle ga go ikgatholosa karolwana ya bo 1, Kgotlatshekelokgolo e ka dumelela boikuelo jo bo rometsweng morago ga nako ka go supa boikanyego.
fa go ntsha tshedimosetso eo go tsamaelana le ditshiamelo tsa molao mongwe le mongwe.
Go tlola molao wa karolo e ke molato.
a Karolo ya bo 6, 7, 9, 10, 11, 12, 142 kgotsa ya bo 15 o tla latofalediwa gore o tlotse molao mme fa a bonwa molato a ka otlhaiwa kgotsa a romelwa kwa kgolegelong paka ya nako e e sa feteng dingwaga di le tlhano; kgotsa b Karolo ya bo 8, 13, kgotsa ya bo 14 o tla latofadiwa gore o tlotse molao mme fa a bonwa molato a ka otlhaiwa kgotsa a romelwa kwa kgolegelong paka ya nako e e sa feteng ngwaga o le mongwe.
Fa motsamaisi, moemedi kgotsa mothapiwa wa motho yo o kwadisitsweng a dira sengwe kgotsa a ikgatholosa go dira tiro nngwe e e ka bonalang e le go tlola molao, fa e dirwa kgotsa e ikgatholosiwa ke motho yo o kwadisitsweng, motho yo o kwadisitsweng yoo le ena a ka latofalediwa gore o dirile tiro eo kgotsa o ikgatholositse go e dira, fa kgotlatshekelo e itumedisitswe ke gore tiro eo kgotsa go ikgatholosa go dira sengwe, go mo dithateng tsa, kgotsa go thapiwa ga motsamaisi, moemedi kgotsa mothapiwa yo o amegang; le a gore motho yo o kwadisitsweng o ntse le seabe sa go tsietsa kgotsa o dumeletse gore tiragalo eo kgotsa go e ikgatholosa ga motsamaisi, moemedi kgotsa mothapiwa; kgotsa b motho yo o kwadisitsweng ga a tsaya dikgato tsotlhe tse di tshwanetseng go thibela gore tiragalo eo e se ke ya diragala kgotsa go ikgatholosa sengwe.
Mo mabakeng a karolwana ya bo 1, lebaka la gore motho yo o kwadisitsweng o ntshitse ditaelo tse di thibelang tiragalo eo kgotsa go se ikgatholose sengwe, ga se bosupi jo bo tletseng jwa gore go tserwe dikgato tsotlhe tse di tlhokagalang go thibela tiragalo kgotsa go se ikgatholosa sengwe.
Tona e ka laela kotlhao ya difaene tsa botsamaisi fa go tlotswe karolo nngwe le nngwe ya Molao o, go akarediwa go oketsa dikotlhao fa go tlola molao go dirwa kgapetsa kgapetsa.
Fa karolo ya Molao o e tlotswe ke motho yo o kwadisitsweng, e nna go tlola molao ga maemo a go kwadisiwa.
a e tla kopa Mokaedi wa Botshutshisi jwa Bosetšhaba go sekisa motho yo o kwadisitsweng ka go tlola molao; kgotsa b e tla diragatsa kotlhao ya botsamaisi fa go tlotswe molao wa maemo a go kwadisiwa, fela le gale e ka se di diragatse ka bobedi mo maemong a a tshwanang a le mangwe.
Karolo ya bo 43, fa e buisiwa mmogo le diphetogo tsa botlhokwa tsa diteng, e diragadiwa go tsamaelana le kotlhao nngwe le nngwe e e tsentsweng go ya ka mabaka a karolo e.
Fa Tona e otlhaile motho mongwe le mongwe go ya ka mabaka a karolwana ya bo 3 ka molato mongwe le mongwe go ya ka mabaka a Molao o, motho yoo ga a tshwanela go sekisediwa molato oo.
Motho mongwe le mongwe yo o otlhailweng go ya ka mabaka a karolo e, a ka ikuela kwa Kgotlatshekelokgolo kgatlhanong le tshweetso ya Tona mo pakeng ya nako ya malatsi a le 60 fa go se na go tsewa tshweetso eo.
Kgotlatshekelokgolo e ka dumelela go tsenya kopo ya boikuelo jo bo tlhalositsweng mo karolwaneng ya bo 6 morago ga nako ka go supa boikanyego.
Boikuelo go ya ka mabaka a karolo e bo ka akaretsa go reetsa molato gape gotlhelele le bosupi jo bontshwa ka ga morero o, go sa kgathalesege gore a go bopaki kgotsa tshedimosetso ya tlaleletso kgotsa nnyaya.
Kgotlatshekelokgolo e ka konotelela kotlhao e e tsentsweng ke Tona kgotsa ya ntsha taelo e nngwe e e bonang e tshwanetse.
Go ya ka boikuelo jwa karolowana ya bo 6, boikuelo joo bo beela thoko kgapeletso ya go duela kotlhao eo go fitlhela boikuelo bo reeditswe e bile bo konoseditswe.
Motho mongwe le mongwe yo o gapeletsegang go duela kotlhao go ya ka mabaka a karolo e, o tshwanetse go dira jalo mo pakeng ya nako e e laetsweng, go sa nneng jalo Tona e ka ikuela kwa Kgotlatshekelokgolo gore kotlhao e dirwe ka taelo ya kgotlatshekelo.
Seelo sa madi a kotlhao e e dirilweng ka taelo ya kgotlatshekelo se tla bonwa mo mothong yo o molato yoo go tshwana fela le fa e le madi a bokana ka kotlhao ya melato ya mabaka a baagi ya kgotlatshekelo eo.
b Go tswa kwa Porofenseng nngwe le nngwe, tokololo ya Khuduthamaga e e rweleng boikarabelo jwa go rebola dilaesense tsa bojalwa mo porofenseng eo.
c Mokaedikakaretso, kgotsa modiredi mongwe le mongwe wa lefapha yo a abetsweng dithata ke Mokaedikakaretso; le d tokololo ya setheo sa porofense se se laolang sa Porofense nngwe le nngwe.
Tona ke Modulasetulo wa Khansele.
Ditokololo tse di tlhalositsweng mo dikarolwaneng tsa bo 1c le d ke ditokololo tse di se nang dithata tsa go tlhopha tsa Khansele.
Khansele ke foramo ya merero e e tshwaraganetsweng ya ditiro tsa magareng ga diMmuso tse di tlhalositsweng mo karolong ya bo 411h ya Molaotheo.
b go rotloetsa le go atlanegisa dikgolagano tse di edileng magareng ga mebuso mabapi le madirelo a bojalwa; le c go itlhaganedisa go rarabolola dikgotlang magareng ga mebuso mabapi le madirelo a bojalwa.
Tona e ka bitsa kopano ya Khansele nako nngwe le nngwe, fela legale e tshwanetse go bitsa dikopano bonnye di le pedi mo ngwageng mongwe le mongwe wa ditshelete.
Tona e ka farologanya kopano nngwe le nngwe ya Khansele go nna kopano ya ditokololo tsotlhe, kgotsa ya ditokololo tse di tlhophang voutang fela.
Tokololo e e se nang dithata tsa go tlhopha e ka supa mongwe fela go tswa mo setheong sa taolo go emela tokololo eo kwa kopanong ya Khansele.
Khansele e ka laletsa batho ba e seng ditokololo go tsenela dikopano tsa Khansele.
Ka e le setheo seo ka sona magato a mmuso wa bosetšhaba le tsa diporofense di lekang go dirisana mmogo ka sona mo mererong e e mosola le boikanyego, Khansele e tshwanetse go leka go fitlhelela ditshweetso tsa yona ka ditherisano.
Fa Khansele e palelwa ke go utlwana mo tshweetsong ya morero o o rileng, e ka dumallana ka go tlhopha semmuso mo tsitsinyong ka ga morero oo.
a Tona; le b bonnye ditokololo tse dingwe tse di tlhophang tsa Khansele di le tlhano.
Go ya ka mabaka a dikarolwana tsa bo 1 le ya bo 7, Khansele e ka itlhamela melawana ya yona ya go itsamaisetsa dikopano.
a ditsheng tse di kwadisitsweng; le b ditsheng tse di kwadisitsweng kgotsa tse di reboletsweng dilaesense ke bothati jwa diporofense go rekisa kgotsa motitiedipotlana jwa bojalwa.
batho ba ba reboletsweng dilaesense kgotsa ba ba kwadisitsweng go ya ka mabaka a molao mongwe le mongwe wa diporofense; le iii motshola setifikeiti sa go reka go tswa kwa mafatsheng a boditšhabatšhaba go ya ka mabaka a karolo ya bo 16 ya Molao wa Dikuno tsa Bojalwa, wa 1989.
i e e tlhokagalang kgotsa e e letleletsweng go ya ka mabaka a Molao o; kgotsa ii e e tlhokagalang kgotsa e e rotloetsang go laela ka maikaelelo a go fitlhelela maikaelelo a Molao o.
b go phasalatsa molawana kgotsa kitsiso mo Kuranteng ya Mmuso le go ngoka ditshwaelo go tswa mo setshabeng; le c go sekaseka ditshwaelo dingwe le dingwe tse e di amogetseng le ditshikhinyo dingwe le dingwe tse di dirilweng ke Khasenele ya Maitlhomo a Maikaelelo ya Bosetšhaba ka ga Bojalwa.
Fa molawana mongwe le mongwe, kwa ntle ga o o tlhalositsweng mo karolong ya bo 501, o ama porofense, molawana wa mofuta oo, o tshwanetse go bewa fa pele ga Khansele ya Maitlhomo a Maikaelelo ya Bosetšhaba ka ga Bojalwa gore e o sekaseke.
Go ya ka mabaka a karolo ya bo 36 , ga go Puso, kgotsa setheo sengwe le sengwe sa mmuso kgotsa motho yo o diragatsang dithata dingwe le dingwe kgotsa yo o dirang tiro nngwe le nngwe go ya ka mabaka a Molao o, yo o tla latofalediwang go latlhegelwa kgotsa go senyega ka ntlha ya ditiro kgotsa go ikgatholosa go dira sengwe ka go supa boikanyego, fa a diragatsa dithata tsa go nna jalo kgotsa a dira tiro ya go nna jalo.
Tona e ka aba dithata dingwe le dingwe, kwa ntle ga dithata tsa go tlhama melawana, go Mokaedikakaretso kgotsa motlhankedi wa lefapha la bosetšhaba le le rweleng boikarabelo jwa merero ya bojalwa yo o supilweng ke Mokaedikakaretso.
Nako nngwe le nngwe, Tona e ka phimola dithata tse e di abileng go ya ka karolwana ya bo 1, mme ya diragatsa dithata tseo ka sebele le ka tlhamalalo.
Fa Tona e aba dithata go ya ka mabaka a karolwana ya bo 1, motho mongwe le mongwe yo o amang ke tshweetso e e tserweng ke motho yo o abetsweng dithata a ka ikuela kgatlhanong le tshweetso eo kwa go Tona.
Boikuelo jo bo tlhalositsweng mo karolwaneng ya bo 3 bo tshwanetse go romelwa kwa go Tona mo pakeng ya nako ya malatsi a le 30 morago ga fa motho a sena go itsisiwe ka ga tshweetso eo.
Tona e tshwanetse go utlwelela boikuelo joo go tsamaelana le mekgwa e e laetsweng mme e ka sweetsa ka ga jona fela fa e sena go dumelela matlhakore otlhe a a nang le dikgatlhegelo tshono ya go ntsha bosupi jwa ona.
Melao e e umakilweng mo Mametlelelong ya bo 2 e phimotswe ka selekano se se kailweng mo karolong ya boraro ya Mametlelelo eo.
b go fitlhela nako e e tlhalositsweng mo temaneng ya ai le ii, maikaelelo a Molao o mo mafokong a "molao o o tshwanetseng wa porofense" a tshwanetse go lejwa e le tshiamelo ya molao o o umakilweng mo temaneng ya a.
Go ya ka mabaka a karolo ya bo 55, ditshiamelo tsa Mametlelelo ya bo 1 di diragadiwa mo go fetoleleng go tswa mo melaong e e phimotsweng go fetolelwa mo Molaong o.
a e abetse motitiedi kgotsa mophasalatsi wa bojalwa dithata; le b e ne e ntse e dira pele ga Molao o o simolola go diragadiwa.
jaaka go kopile motshola laesense.
Fa motshola laesense wa laesense e e umakilweng mo karolwaneng ya bo 1 le 2 a palelwa ke go dira kopo kwa go Tona jaaka go tlhalositswe mo karolwaneng ya bo 2, go dira ga laesense go tla khutla fa paka ya nako e e beilweng go ya ka karolwana ya bo 1 e khutla, mme ga e fetolele ka gangwe fela jaaka go tlhalositswe mo karolwaneng ya bo 2.
Mo pakeng ya nako ya ngwaga fa Molao o o simolotse go diragadiwa, motho yo laesense ya gagwe e fetoletsweng go ya ka mabaka a karolwana ya bo 2 o tshwanetse go simolola kopo ya gore e sekasekwe ke Tona, ka mokgwa o o laetsweng, ka ga go kwadisiwa ga motho wa go nna jalo go ya ka mabaka a Molao o.
Fa e sekaseka kopo e e tlhalositsweng mo karolwaneng ya bo 4, Tona e tshwanetse go ela tlhoko gore motho yo o kwadisitsweng o ntse a tsweletse ka kgwebo ya gagwe mme e dirise ditshiamelo tsa Kgaolo ya bo 3, fa e buisiwa mmogo le diphetogo tse di tlhokagalang go ya ka diteng.
Molao o o bidiwa Molao wa Bojalwa, wa 2003, mme o tla simolola go diragadiwa mo letlheng le le tla sweediwang ke Moporesidente ka kgoeletso mo Kuranteng ya Mmuso.
a a ka sweetsa ka ga matlha a a farologaneng a kwa diporofenseng di le mmalwa mabapi le go phimolwa ga melao e e tlhalositsweng mo Karolong ya bo 542a; le b a ka sweetsa ka letlha le le rileng mabapi le porofense e e rileng fela fa Khansele ya Maitlhomo a Maikaelelo a Bosetšhaba ka ga Bojalwa e se na go gakolola Moporesidente gore porofense e e rileng e tlhamile molao o o itumedisang ditlhokego tse di tlhalositsweng mo karolong ya bo 5.
Molao wa Bojalwa, wa 1989 o tlhalosa Molao wa Bojalwa, wa 1989 (Molao wa Nomoro ya bo 27 wa 1989).
Fa, mo pakeng ya nako ya pele ga go phimolwa ga melao e e tlhalositsweng mo karolong ya bo 54 (a) mabapi le porofense e e rileng, tshiamelo ya molao o e thulanang le tshiamelo ya Molao o o umakilweng mo Mametlelelong ya bo 2, tshiamelo ya Molao o ke yona e e tla renang go tsamaelana le boleng jwa kgotlang e e tlhageletseng.
Tshweetso nngwe le nngwe e e tserweng go ya ka mabaka a karolo ya bo 51 ya Molao wa Bojalwa, wa 1989, e khutla go dira mo pakeng ya nako ya dingwaga di le tharo morago ga go simolola go diragadiwa ga Moalo o.
Tumelelo nngwe le nngwe e e rebotsweng go ya ka mabaka a karolo ya bo 158 ya Molao wa Bojalwa, wa 1989, e khutla go dira ka la di 31 tsa Sedimonthole wa ngwaga o o latelang ngwaga o Molao o o simololang go diragadiwa ka ona mme e tla re ka letlha leo wa felelwa ke dithata dingwe le dingwe tsa ona gotlhelele.
Go ya ka ditshiamelo tsa karolwana ya bo , kopo nngwe le nngwe kgotsa morero mongwe le mongwe o o amogetsweng ke Mmuso selegae go ya ka mabaka a Molao wa Bojalwa, wa 1989, pele ga go simolola go diragadiwa ga Molao o mme o sa konosediwa pele ga go simololwa, o tshwanetse go konosediwa ke Mmuso selegae eo go ya ka mabaka a Molao oo.
Fa, molao o o tshwanetseng wa diporofense o o tlhalositsweng mo Karolong ya bo 5 o tlhalosa gore sekgala kgotsa setsha sengwe le sengwe se motho kgotsa setlamo se gwebang mo go sona ga se a tshwanela go dira kgwebo ya go rekisa bojalwa, molao wa go nna jalo o tshwanetse go dira ditshiamelo tsa paka ya nako ya go kgabaganyetsa ya bonnye jwa ngwaga eo mo go yona mogwebi mongwe le mongwe yo o rekisang, yoo pele ga go simolola go diragadiwa ga molao oo, a neng a reboletswe laesense ya go rekisa bojalwa mo sekgaleng kgotsa setsha seo, a ka tswelelang go rekisa.
<fn>tsn_Article_National Language Services_MOLAOTLHOMO WA BOSETèHABA WA BOITEKANELO (2003).txt</fn>
Go tlamela ka letlhomeso la thulaganyo e e rulaganeng sentle le e e tshwanang ya boitekanelo mo Rephaboliking, go ntse go etswe tlhoko maikarabelo a a pegwang ke Molaotheo le melao e mengwe mo pusong ya bosetšhaba, porofense le ya selegae malebana le ditirelo tsa boitekanelo; le go dira tlamelo ya merero e e amanang le tseno.
banna tsa go nna le kotlo ya ntlha le ditirelo tsa ntlha tsa tlhokomelo ya boitekanelo tse di kabakanngwang mo karolong ya 28 (c) ya Molaotheo; le iv. ditlhopha tse di bokoa di tshwana le basadi, bana, bagodi le batho ba ba sa itekanelang mo mebeleng.
c a swetsa ka dipholesi le dikgato tse di tlhokagalang go sireletsa, tsweletsa, tokafatsa le go tlhokomela boitekanelo le botshelo jo bo edileng jwa setšhaba d a netefatsa gore go nna le tlamelo ya ditirelo tsa botlhokwa tsa boitekanelo, tse di tshwanetseng gore bonnye, di akaretse ditirelo tsa tlhokomelo ya ntlha ya boitekanelo go setšhaba sa Rephaboliki jaaka go tla rebolwa morago ga go batla maikutlo a Khansele ya Bosetšhaba ya Boitekanelo; mme e a beye ditirelo tsa boitekanelo tse Mmuso o ka tlamelang ka tsona go ya ka botlapele, mme a dira seno ka tekatekano.
Lefapha la bosetšhaba, lefapha le lengwe le le lengwe la porofense le lekgotlatoropo le lengwe le le lengwe le tshwanetse go tlhoma ditirelo tsa boitekanelo tse di tlhokegang go ya ka Molao ono, mme ditheo tsotlhe tsa boitekanelo le batlamedi ba tlhokomelo ya boitekanelo mo lephateng la setšhaba ba tshwanetse go tlamela ka tekatekano, ditirelo tsa boitekanelo ka ditlamelo tse di gona tse di lekanyeditsweng.
Tona, morago ga go batla maikutlo a Tona ya Ditšhelete, a ka rebola seemo sa gore ke dikarolo dife tsa batho tse di nang le tshiamelo ya ditirelo tseo tsa mahala tsa boitekanelo kwa ditheong tsa setšhaba tsa boitekanelo jaaka di tla bo di rebotswe.
c ditlamorago tsa seemo sepe fela sa go nna jalo mo phitlhelelong ya ditirelo tsa boitekanelo; le d ditlhokego tsa ditlhopha tse di bokoa di tshwana le basadi, bana, bagodi le batho ba ba sa itekanelang mo mebeleng.
b batho botlhe, ntle le ditokololo tsa dikema tsa thuso ya kalafi le baikaegi ka bona le batho ba ba amogelang tuelo ya malwetse a a duelelwang a mo tirong, ka ditirelo tsa tlhokomelo ya ntlha ya boitekanelo; le c basadi, go lebeletswe Molao wa Tlhopho ya go Senya Mpa wa ngwaga wa 1996 Molao wa bo92 wa ngwaga wa 1996, ka ditirelo tsa mahala tsa go senya mpa.
Motlamedi wa tlhokomelo ya boitekanelo, modiri wa boitekanelo gongwe setheo sa boitekanelo ga se a tshwanela go ganela motho ka kalafi ya bongaka ya tshoganyetso.
c mesola, dikotsi, ditshenyegelo le ditlamorago ka kakaretso tse di amanang le tlhopho nngwe le nngwe; le d tshwanelo ya modirisi ya go gana ditirelo tsa boitekanelo le go tlhalosa bokao, dikotsi le maikarabelo a go gana goo.
Motlamedi wa boitekanelo yo o amegang o tshwanetse gore, fa go kgonagala, a itsese modirisi jaaka go kabakanngwa mo karolwaneng ya 1, ka puo e modirisi a e tlhaloganyang le ka tsela e e elang tlhoko seelo sa modirisi sa thutego.
d go retelelwa ke go alafa modirisi, gongwe setlhopha sa batho se se akaretsang modirisi, go tla nna le ditlamorago tse di masisi mo boitekanelong jwa setšhaba, gongwe e tiego epe fela mo go tlameleng modirisi ka tirelo ya boitekanelo e ka feleletsa e lebisitse kwa goreng a tlhokafale gongwe ya baka tshenyo e e ka sekeng ya tlhola e baakanngwa mo boitekanelong jwa gagwe mme modirisi a sa gana tirelo eo e ka nna ka go tlhalosa, gongwe ka bokao gongwe ka mokgwa mongwe fela.
Motlamedi wa tlhokomelo ya boitekanelo o tshwanetse go tsaya dikgato tsotlhe tse di kgonagalang tsa go bona tumelelo ka kitso go tswa go modirisi.
Mo mabakeng a karolo eno "tumelelo ka kitso" e kaya tumelelo ya go tlamelwa ka tirelo e e rileng ya boitekanelo e e tlamelwang ke motho yo o nang le bokgoni jwa semolao jwa go dira jalo mme a boleletswe jaaka go kabakanngwa mo karolong ya 6.
Modirisi o na le tshwanelo ya go nna le seabe mo tshwetsong nngwe le nngwe e e amang boitekanelo lekalafi ya gagwe ka sebele.
a Fa tumelelo ka kitso e e tlhokegang mo karolong ya 7 e ntshiwa ke motho yo mongwe ntle le modirisi, motho yoo, fa go kgonega, o tshwanetse go batla maikutlo a modirisi pele ga a ka ntsha tumelelo e e tlhokegang.
b Modirisi yo o ka kgonang go tlhaloganya o tshwanetse go bolelelwa jaaka go kabakanngwa mo karolong ya 6, le fa a sena bokgoni jwa semmuso jwa go ntsha tumelelo ka kitso jaaka go tlhokega mo karolong ya 7.
Fa modirisi a sa kgone go nna le seabe tshwetsong e e amang boitekanelo gongwe kalafi ya gagwe ka sebele, o tshwanetse go bolelelwa jaaka go kabakanngwa mo karolong ya 6, morago ga go sena go tlamelwa ka tirelo e e kaiwang ya boitekanelo, ntle le fa e le gore go senolwa ga tshedimosetso eo go tla bo go se mo dikgatlhegong tsa modirisi.
Go lebeletswe molao mongwe le mongwe o o maleba, mo mabakeng a modirisi a amogetsweng mo setheong sa boitekanelo ntle le tumelelo ya gagwe, setheo sa boitekanelo se tshwanetse go itsese tlhogo ya lefapha la porofense mo porofenseng e setheo sa boitekanelo se leng kwa go yona, mo sebakeng sa diura di le 48 morago ga modirisi a sena go amogelwa mme se tshwanetse go tlhagisa tshesimosetso e nngwe jaaka go tla bo go rebotswe.
Fa paka ya diura di le 48 e e kabakanngwang mo karolwaneng ya 1 e khutla ka Lamatlhatso, Sontaga gongwe letsatsi la boikhutso la setšhaba, setheo sa boitekanelo se tshwanetse go itsese tlhogo ya lefapha la boitekanelo ka go amogelwa ga modirisi mme se tshwanetse go tlhagisa tshedimoseto e nngwe fela e e kabakanngwang mo karolwaneng ya 1 nako nngwe le nngwe fela pele ga sethoboloko sa letsatsi le le latelang le e seng Lamatlhatso, Sontaga gongwe letsatsi la boikhutso la setšhaba.
Karolwana ya 1 ga e dire fa modirisi a ka rebola tumelelo ya go tlamelwa ka tirelo nngwe le nngwe fela ya boitekanelo kwa setheong sa boitekanelo mo sebakeng sa diura di le 24 morago ga go amogelwa.
Motlamedi wa tlhokomelo ya boitekanelo o tshwanetse go tlamela modirisi ka pegelo ya kgololo ka nako ya go gololwa ga modirisi go tswa kwa setheong sa boitekanelo, e e nang le tshedimosetso go ya jaaka go tla bo go rebotswe.
Pegelo ya kgololo e e newang modirisi e ka dirwa ka molomo fa e le molwetse yo o sa robadiwang, fela e tshwanetse go kwalwa fa e le molwetse yo o neng a robaditswe.
Pele ga setheo sa boitekanelo se ka tlamela tirelo ya boitekanelo ya mabaka a tekeletso gongwe patlisiso go modirisi ope fela mme go lebeletswe karolwana , setheo sa boitekanelo se tshwanetse go itsese modirisi ka tsela e e rebotsweng gore tirelo ya boitekanelo ke ya mabaka a tekeletso gongwe a patlisiso gongwe ke karolo ya porojeke ya tekeletso gongwe patlisiso.
Setheo sa boitekanelo ga se a tshwanela go tlamela tirelo epe fela ya boitekanelo go modirisi e le ya mabaka a a kabakanngwang mo karolwaneng ya 1 ntle le fa modirisi, motlamedi wa tlhokomelo ya boitekanelo yo o rweleng maikarabelo a kalafi ya modirisi, tlhogo ya setheo sa boitekaneo se se kaiwang le komiti e e maleba ya maitsholo a dipatlisiso tsa boitekanelo, gongwe motho mongwe fela yo o roletsweng tumelelo eo, a rebotse tumelelo e e kwadilweng gore go tlamelwe ka tirelo e e kaiwang ya boitekanelo.
f ditsela tsa go tlhagisa dingongorego; le g ditshwanelo le maikarabelo a badirisi le batlamedi ba tlhokomelo ya boitekanelo.
Tshedimosetso yotlhe e e amanang le modirisi, go akarediwa le tshedimosetso e e malebana le seemo sa gagwe sa boitekanelo, kalafi gongwe go nna ga gagwe kwa setheong sa boitekanelo, ke sephiri.
b taelo ya kgotlatshekelo gongwe molao mongwe fela o tlhoka gore go nne le tshenolo eo; gongwe c go tlhoka go senolwa ga tshedimosetso go na le kotsi e e masisi mo boitekanelong jwa setšhaba.
Modiri wa boitekanelo gongwe motlamedi wa tlhokomelo ya boitekanelo yo o kgonang go fitlhelela direkoto tsa boitekanelo tsa modirisi a ka senola tshedimosetso eo ya motho ka sebele go motho yo mongwe fela, motlamedi wa tlhokomelo ya boitekanelo gongwe setheo sa boitekanelo jaaka go tla bo go tlhokega, mo mabakeng a a utlwalang mo tirong ya ka gale gongwe go ya ka tiro ya gagwe fa e le gore phitlhelelo eo gongwe tshenolo e mo dikgatlhegelong tsa modirisi.
Mo mabakeng a karolo eno, "tshedimosetso ya motho ka sebele" e kaya tshedimosetso ya motho jaaka e tlhalositswe mo karolong ya 1 ya Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa ngwaga wa 2000 Molao wa bo2 wa ngwaga wa 2000.
a kalafi ka tetla ya modirisi; le b thutopatlisiso, go ruta gongwe patlisiso ka tetla ya modirisi, tlhogo ya setheo sa boitekanelo se se maleba le komiti e e maleba ya maitsholo ya patlisiso ya boitekanelo.
Fa thutopatlisiso, go ruta gongwe patlisiso e e kabakanngwang mo karolwaneng ya 1b go sa tlhalose, gongwe go sena tshedimosetso e e ka kgonang go supa modirisi yo o amegang, ga go botlhokwa go bona tetla e e kabakanngwang mo karolwaneng eo.
Motho yo o rweleng maikarabelo a setheo sa boitekanelo mme a tshotse direkoto tsa boitekanelo tsa modirisi o tshwanetse go tlhoma dikgato tsa taolo go thibela go fitlhelelwa ga direkoto tseo e seng ka fa molaong mo tlamelong ya poloko e go bolokwang direkoto mo go yona gongwe thulaganyo e go bolokwang direkoto ka yona.
karolo nngwe fela ya thulaganyo e e dirang ya khomphiutara gongwe thulaganyo e nngwe ya eleketoroniki e direkoto tsa modirisi di beilweng mo go yona; gongwe karolo nngwe fela ya lenaneo le le dirisiwang go kwala direkoto, go boloka, go goga gongwe go bontsha tshedimosetso mo khomphiutareng gongwe thulaganyo e nngwe ya eleketoroniki e direkoto tsa modirisi di bewang mo go yona, o dira tlolomolao mme a ka atlholwa ka go lefisiwa gongwe go tswalelwa kwa kgolegelong sebaka se se sa feteng ngwaga, gongwe a atlholelwa go lefisiwa le go tswalelwa kwa kgolegelong mmogo.
Motho yo mongwe le yo mongwe a ka tlhagisa ngongorego mabapi le ka moo a tshwerweng ka teng kwa setheong sa boitekanelo mme ngongorego eo ya batlisisiwa.
Mokhuduthamaga yo o maleba le khansele e nngwe le e nngwe ya lekgotlatoropo ba tshwanetse go tlhama ditsela tsa go tlhagisiwa ga dingongorego mo mafelong a thulaganyo ya bosetšhaba ya boitekanelo e ba rweleng maikarabelo a ona.
c akaretse ditlamelo tsa gore go amogelwe le go lemoga ngongora nngwe le nngwe e e rometsweng kwa setheong sa boitekanelo, go sa tshwenye gore a e wela mo molelwaneng gongwe taolo ya setheo seo gongwe nnyaya; mme gape d e letle gore go nne le phetiso ya ngongora e e seng mo molelwaneng gongwe taolong ya setheo sa boitekanelo go ya go bothati gongwe setheo se se maleba.
Fa a tlhagisa ngongorego, motho yo o kabakanngwang mo karolwaneng ya 1 o tshwanetse go latela ditsela tse di beilweng ke Mokhuduthamaga yo o maleba gongwe khansele e e maleba ya lekgotlatoropo, go ya fela ka mabaka.
c a bontshe batlamedi ba tlhokomelo ya boitekanelo le badiri ba boitekanelo seriti le tlhotlo; mme d a saene setifikeiti sa kgololo gongwe kgololo ya maikarabelo fa a gana go amogela kalafi e e atlenegisiwang.
Badiri ba tlhokomelo ya boitekanelo ga ba a tshwanela go kgethololwa ka ntlha ya seemo sa bona sa boitekanelo.
Karolwana ya 1 e sa tshwenye, fela go lebeletswe molao mongwe fela o o maleba, tlhogo ya setheo sa boitekanelo se se amegang, go ya ka kaedi nngwe fela e e rebotsweng ke Tona, a ka baya dipeelo mo ditirelong tse di ka tlamelwang ke motlamedi wa tlhokomelo ya boitekanelo gongwe modiri wa boitekanelo go ya ka seemo sa gagwe sa boitekanelo.
a kgobalo ya motho gongwe tshenyo ya thoto ya modiri wa tlhokomelo ya boitekanelo yo o dirang mo setheong seo; le b phetiso ya malwetse.
Motlamedi wa tlhokomelo ya boitekanelo a ka gana go alafa modirisi yo o lwang gongwe a tlhapatsa gongwe a mo tshwenya ka mabaka a thobalano.
vii. ditirelo tsa jenetiki; le viii.
k go gokaganya le go tsweletsa tlamelo ya ditirelo tsa boitekanelo gore go nne le tsamaiso, thibelo le taolo ya malwetse a a tshelanwang le a a sa tshelanweng ; le l go gokaganya ditirelo tsa boitekanelo tse di tlamelwang ke lefapha la bosetšhaba le ditirelo tsa boitekanelo tse di tlamelwang ke diporofense mme a tlamele ka ditirelo tsa tlaleletso tsa boitekanelo jaaka go tla bo go tlhokega go tlhama thulaganyo e e akaretsang ya bosetšhaba ya boitekanelo.
a Mokaedi Kakaretso o tshwanetse go baakanya maano a togamaano a pakakhutshwe a boitekanelo le badiri ngwaga le ngwaga gore go diragadiwe dithata le gore lefapha la bosetšhaba le diragatse maikarabelo a lona.
tekanyetsokabo ya ngwaga le ngwaga jaaka e tlhokwa ke lefapha la bosetšhaba le le rweleng maikarabelo a ditšhelete le ditshenyegelo tsa mmuso; le tiragatso nngwe le nngwe ya togamaano ya puso jaaka go tla bo go tlhokega go ya ka molao mongwe fela.
Maano a bosetšhaba a boitekanelo a tshwanetse go ikobela pholesi ya bosetšhaba ya boitekanelo.
Mokaedi Kakaretso o tshwanetse go kopanya maano a boitekanelo a lefapha la bosetšhaba le a mafapha a diporofense ngwaga le ngwaga mme a dire tlhagiso ya maano a a kopaneng a boitekanelo kwa Khanseleng ya Bosetšhaba ya Boitekanelo.
Ka go riana go tlhamiwa khansele e e tla itseweng jaaka Khansele ya Bosetšhaba ya Boitekanelo.
g motho a le mongwe fela yo o thapilweng mme a tlhophilwe ke mokgatlho wa bosetšhaba o o kabakanngwang mo karolong ya 163a ya Molaotheo; le h tlhogo ya Tirelo ya Boitekanelo ya Sesole sa Aforika Borwa.
ix. tshekatsheko ya leroborobo le tlhokomelo ya tlhagelelo ya bosetšhaba le ya porofense, go lebeletswe malwetse a magolo gammogo le dintlha tse di ka nnang supang kotsi ya malwetse; le x.
g togamaano e e kopantsweng ya bosetšhaba ya patlisiso ya boitekanelo; le h tiragatso ya tiro e nngwe le e nngwe fela e e rebotsweng ke Tona.
Khansele ya Bosetšhaba ya Boitekanelo e ka swetsa ka nako, kaedi le thulaganyo ya paakanyo ya maano a bosetšhaba le a porofense a boitekanelo.
Khansele ya Bosetšhaba ya Boitekanelo e tshwanetse go leka go fitlhelela ditshwetso tsa yona ka tumelano, fela fa go sa kgonagaleng gore tshwetso e ka tsewa ka tumelano, tshwetso ya bontsi jwa ditokololo tsa Khansele ya Bosetšhaba ya Boitekanelo ke tshwetso ya Khansele ya Bosetšhaba ya Boitekanelo.
Khansele ya Bosetšhaba ya Boitekanelo e ka batla maikutlo gongwe ya amogela ditlhagiso go tswa go motho mongwe le mongwe, mokgatlho, setheo gongwe bothati.
Khansele ya Bosetšhaba ya Boitekanelo e swetsa ka thulaganyo ya dikopano tsa yona.
Khoramo ya Khansele ya Bosetšhaba ya Boitekanelo ke bonnye, halofo ya ditokololo le motho a le mongwe.
Tona gongwe yo a tlhophilweng ke Tona jaaka go kabakanngwa mo karolong ya 222, o tshwanetse go bitsa kopano ya ntlha ya Khansele ya Bosetšhaba ya Boitekanelo mo sebakeng sa malatsi a le 60 morago ga Molao ono o sena go simolola go dira.
Tona o tshwanetse go tlhama bothati jo bo tla itseweng jaaka Foramo ya Bosetšhaba ya Patlomaikutlo.
Foramo ya Bosetšhaba ya Patlomaikutlo ya Boitekanelo e tshwanetse go tsweletsa le go gokaganya tshusumetsano, tlhaeletsano le go amogana tshedimosetso mo dintlheng tsa bosetšhaba tsa boitekanelo magareng ga baemedi ba lefapha la bosetšhaba, mekgatlho ya bosetšhaba e e supilweng ke Tona gammogo le bothati jwa porofense jwa patlomaikutlo jaaka bo kabakanngwa mo karolong ya 28.
a Go lebeletswe ditema b le c, Tona o tla swetsa ka botokololo le lefelo, letlha le nako ya kopano nngwe le nngwe ya Foramo ya Bosetšhaba ya Patlomaikutlo ya Boitekanelo.
b Foramo ya Bosetšhaba ya Patlomaikutlo ya Boitekanelo e tshwanetse go akaretsa banni-le-seabe ba ba maleba.
c Foramo ya Bosetšhaba ya Patlomaikutlo ya Boitekanelo e tshwanetse go kopana bonnye, gangwe mo dikgweding dingwe le dingwe di le 12.
Mokhuduthamaga yo o maleba o tshwanetse go netefatsa gore go diragadiwa pholesi ya bosetšhaba ya boitekanelo, ditekanyetso le seemo kwa porofenseng ya gagwe.
v a netefatse gore go nna le patlisiso ya dithulaganyo tsa boitekanelo; mme w a tlamele ka ditirelo tsa tsamaiso, thibelo le taolo ya malwetse a a tshelanwang le a a sa tshelanweng.
a go baakanya maano a togamaano a pakakhutshwe a boitekanelo le badiri ngwaga le ngwaga gore go diragadiwe dithata le gore lefapha la porofense le tlamele ka ditirelo tsa boitekanelo; mme b a tlhagise maano a go nna jalo go Mokaedi Kakaretso mo nakong e e beilweng le go ya ka kaedi e e rebotsweng ke Khansele ya Bosetšhaba ya Boitekanelo.
Maano a porofense a boitekanelo a tshwanetse go ikobela pholesi ya bosetšhaba ya porofense.
Ka go riana go tlhamiwa khansele e e tla itseweng jaaka Khansele ya Porofense ya Boitekanelo.
e baemedi ba ba sa feteng tharo ba ba nang le seabe mo tsamaisong ya pusoselegae; le f palo ya batho ba bangwe e Mokhuduthamaga yo o maleba a e bonang e siame.
Batho ba ba kabakanngwang mo karolwaneng ya 2e ba tshwanetse go thapiwa ke mokgatlho oo maleba wa bosetšhaba le wa porofense o o kabakanngwang mo karolong ya 163a ya Molaotheo.
Ditiro tsa Khansele ya Porofense ya Boitekanelo.
ix. tshekatsheko ya leroborobo le tlhokomelo ya tlhagelelo mo porofenseng, go lebeletswe malwetse a magolo gammogo le dintlha tse di ka supang kotsi ya malwetse; le x.
f tiragatso ya tiro e nngwe le e nngwe fela e e rebotsweng ke Mokhuduthamaga yo o maleba.
Khansele ya Porofense ya Boitekanelo e ka swetsa ka nako, kaedi le thulaganyo ya paakanyo ya maano a dikgaolo tsa boitekanelo mo molelwaneng wa yona.
Khansele ya Porofense ya Boitekanelo e ka batla maikutlo gongwe ya amogela ditlhagiso go tswa go motho mongwe le mongwe, mokgatlho, setheo gongwe bothati.
Khansele ya Porofense ya Boitekanelo e swetsa ka thulaganyo ya dikopano tsa yona.
Khoramo ya Khansele ya Porofense ya Boitekanelo ke bonnye, halofo ya ditokololo le motho a le mongwe.
Mokhuduthamaga yo o maleba gongwe yo a tlhophilweng ke Mokhuduthamaga jaaka go kabakanngwa mo karolong ya 262a, o tshwanetse go bitsa kopano ya ntlha ya Khansele ya Porofense ya Boitekanelo mo sebakeng sa malatsi a le 90 morago ga Molao ono o sena go simolola go dira.
Mokhuduthamaga yo o maleba o tshwanetse go tlhama lephata la patlomaikutlo la porofense ya gagwe.
Lephata la porofense la patlomaikutlo le tshwanetse go tsweletsa le go gokaganya tshusumetsano, tlhaeletsano le go amogana tshedimosetso mo dintlheng tsa boitekanelo mo porofenseng magareng ga baemedi ba lefapha la porofense le mekgatlho ya porofense le ya makgotlatoropo e e supilweng ke Mokhuduthamaga yo o maleba.
a Go lebeletswe tema ya b le c, Mokhuduthamaga yo o maleba o tshwanetse go swetsa ka botokololo le lefelo, letlha le nako ya kopano nngwe le nngwe ya lephata la porofense la patlomaikutlo mo porofenseng ya gagwe.
b Lephata la porofense la patlomaikutlo le tshwanetse go akaretsa banni-le-seabe ba ba maleba.
c Lephata la porofense la patlomaikutlo le tshwanetse go kopana bonnye gangwe mo dikgweding dingwe le dingwe di le 12.
Ka go riana go tlhamiwa thulaganyo ya dikgaolo ya boitekanelo.
Thulaganyo e dirwa ke dikgaolo tse di farologaneng tsa boitekanelo mme melelwane ya dikgaolo tsa boitekanelo e tshwana le melelwane ya makgotlatoropo a kgaolo le a magolo.
Mokhuduthamaga yo o maleba, ka tumelano le Mokhuduthamaga yo o rweleng maikarabelo a puso selegae mo porofenseng eo mme go lebeletswe karolwana ya , a ka aroganya dikgaolo tsa boitekanelo mo porofenseng ka dikgaolopotlana mme a ka swetsa le go fetola melelwane ya dikgaolopotlana tseo.
b Mo mabakeng a mo go ona kgaolo ya boitekanelo e welang mo diporofenseng di feta bongwe, bakhuduthamaga ba diporofense tse di maleba ba tshwanetse go dumelana ka karoganyo nngwe le nngwe, tshwetso gongwe phetogo e e kabakanngwang mo temeng ya a.
c Dintlha tse di ka ga karoganyo nngwe le nngwe, tshwetso gongwe phetogo di tshwanetse go phasaladiwa mo Kaseteng.
j tsela ya tlhabololo le tirisano ya maphata; le k go nnela ruri.
Mokhuduthamaga yo o maleba, morago ga go batla maikutlo a Mokhuduthamaga yo o rweleng maikarabelo a pusoselegae mo porofenseng eo, le khansele ya lekgotlatoropo le le maleba le legolo gongwe lekgotlatoropo la kgaolo, o tshwanetse go tlhama khansele ya kgaolo ya boitekanelo ya kgaolo nngwe le nngwe mo porofenseng ya gagwe.
tokololo ya khansele ya lengwe le lengwe la makgotlatoropo a selegae a a mo kgaolong ya boitekanelo, e tlhophilwe ke ditokololo tsa khansele e e maleba; le iv. batho ba sa fete tlhano, ba ba thapilweng ke Mokhuduthamaga yo o maleba morago ga go batla maikutlo a khansele ya lekgotlatoropo le legolo gongwe la kgaolo, fela jaaka go tla bo go le maleba.
b Tokololo e e kabakanngwang mo temeng ya ai ke monnasetilo wa khansele ya kgaolo ya boitekanelo.
c Moo go nang le kgaolo e e kgabaganyang molelwane, mongwe le mongwe wa Bakhuduthamaga ba ba maleba a ka thapa tokololo e e mo emelang mme batho ba ba kabakanngwang mo temeng ya aiv ba tshwanetse go thapiwa ke Bakhuduthamaga ba ba maleba ba sena go buisana.
b go netefatsa gore go nna le kgokaganyo ya go loga maano, tekanyetsokabo, theko le tlhokomelo ya ditirelo tsotlhe tsa boitekanelo tse di amang baagi ba ya boitekanelo e khansele e e tlhametsweng; le c go gakolola Bakhuduthamaga ba ba maleba, ka Dikhansele tsa Porofense tsa Boitekanelo, le khansele ya lekgotlatoropo le le maleba le legolo gongwe la kgaolo, ka merero e e amanang le boitekanelo gongwe ditirelo tsa boitekanelo mo kgaolong ya boitekanelo e khansele e e tlhametsweng.
Khansele ya kgaolo ya boitekanelo e ka tlhama komiti e le nngwe gongwe go feta go e gakolola ka morero mongwe le mongwe fela.
b go rebolwa, morago ga go batla maikutlo a khansele e e maleba ya kgaolo ya boitekanelo, ke mokhuduthamaga yo o maleba le khansele ya lekgotlatoropo le le maleba le legolo gongwe la kgaolo, fela jaaka go tla bo go le maleba, ga tekanyetsokabo ka botlalo le diphitlhelelo tse di lebeletsweng tsa tiragatso ya ditirelo tsa boitekanelo mo kgaolong ya boitekanelo, tse magato a puso a porofense le a pusoselegae a tshwanetseng go dira dikakgelo mo go tsona; le c i ditsela tsa go fedisa go tlholana mo mabakeng a go sa kgoneng go fitlhelelwa tumelano magareng ga Mokhuduthamaga yo o maleba le khansele ya lekgotlatoropo mabapi le tekanyetsokabo gongwe diphitlhelelo tse di lebeletsweng tse di kabakanngwang mo temeng ya b mo pakeng e e tlhalositsweng mo molaong; le ii dikgato tsa paakanyo tse di tshwanetseng go tsewa fa tumelano e e kabakanngwang mo temaneng ya i e tlolwa.
Mokhuduthamaga yo o maleba o tshwanetse go netefatsa gore kgaolo nngwe le nngwe ya boitekanelo le kgaolopotlana nngwe le nngwe ya boitekanelo e tsamaisiwa ka bokgoni.
Makgotlatoropo otlhe a magolo gongwe a dikgaolo a tshwanetse go netefatsa gore go tlamelwa ka ditirelo tse di maleba tsa boitekanelo tsa lekgotlatoropo ka bokgoni le ka tekatekano kwa mafelong a ona.
Mokhuduthamaga yo o maleba o tshwanetse go rebolela ditirelo tseo tsa boitekanelo kwa lekgotlatoropong mo porofenseng ya gagwe jaaka go kabakanngwa mo karolong ya 1564 ya Molaotheo.
c seemo sa tiragatso se se tshwanetseng go dirisediwa go tlhokomela ditirelo tse di tlamelwang ke lekgotlatoropo; le d seemo se mo go sona go ka khutlisiwang tumelano.
Motsamaisi mongwe le mongwe wa boitekanelo wa lekgotlatoropo la kgaolo gongwe le legolo o tshwanetse gore mo sedikeng sa tekanyetsokabo ya bosetšhaba, a kwale le go tlhagisa kwa khanseleng e e maleba ya kgaolo ya boitekanelo le mokhuduthamaga yo o maleba, leano la kgaolo ya boitekanelo le le kwadilweng go ya ka kaedi ya bosetšhaba e e rebotsweng ke Mokaedi Kakaretso, go ntse go tlotliwa dipholesi tsa bosetšhaba le tsa porofense tsa boitekanelo le ditlhokego tsa maano a a maleba a tlhabololo e e kopaneng go ya ka karolo ya 25 ya Pusoselegae: Molao wa Thulaganyo ya Makgotlatoropo wa ngwaga wa 2000 (Molao wa bo32 wa ngwaga wa 2000).
Mokhuduthamaga yo o maleba o tshwanetse go netefatsa gore kgaolo nngwe le nngwe ya boitekanelo e kwala le go diragatsa leano la kgaolo la badiri go ya ka kaedi ya bosetšhaba e e rebotsweng ke Mokaedi Kakaretso.
Go fitlha fa go sena go wediwa tumelano ya tirelo e e kabakanngwang mo karolong ya 32 , makgotlatoropo a tshwanetse gore, ka ditlamelo tse a nang natso, a tswelele go tlamela ka ditirelo tsa boitekanelo tse a ntseng a tlamela ka tsona, ngwaga pele ga Molao ono o simolola go dira.
v. botlhokwa jwa go rulaganya go tlamela ka ditirelo tsa boitekanelo go ya ka tekanyetso le seemo sa bosetšhaba mo letlhomesong le le kopaneng mme le gokaganngwa la bosetšhaba; le vi. mo mabakeng a ditheo tsa poraefete, gore a setheo se dira lotseno gongwe nnyaya; le b mo mabakeng a bookelo jwa bogareng, go swetsa ka go tlhamiwa ga boto ya bookelo le thulaganyo ya tsamaiso ya bookelo seo sa bogareng.
c go tlamela ka ditirelo tse di rebotsweng tsa boitekanelo; gongwe d go tswelela go dirisa setheo sa boitekanelo gongwe bothusi jwa boitekanelo morago ga go khutla ga dikgwedi di le 24 go tloga ka letlha le Molao ono o simolotseng go dira ka lona, ntle le go nna le setifikeiti sa tlhokego.
Motho yo o eletsang go bona gongwe go ntšhwafatsa setifikeiti sa tlhokego o tshwanetse go dira kopo go Mokaedi Kakaretso ka tsela e e rebotsweng mme o tshwanetse go duela tuelo e e rebotsweng ya kopo.
l gore a setheo sa boitekanelo sa poraefete ke se se dirang lotseno gongwe nnyaya; le m fa go le maleba, go ikobela ditlhokego tsa setifikeiti sa go se ikobele ditlhokego.
Mokaedi Kakaretso a ka batlisisa ntlha nngwe le nngwe e e malebana le kopo ya go rebolwa gongwe go ntšhwafadiwa ga setifikeiti sa tlhokego mme a ka kopa tshedimosetso epe fela e e ka tlhokegang gore a kgone go dira tshwetso malebana le kopo e e riling.
iv. mefuta ya katiso e e tla tlamelwang ke setheo sa boitekanelo gongwe bothusi jwa boitekanelo; le v. ditlhokego dingwe le dingwe tse di kabakanngwang mo karolwaneng ya.
c fa setheo sa boitekanelo gongwe bothusi jwa boitekanelo, fela jaaka go le maleba, gongwe motlamedi wa tlhokomelo ya boitekanelo gongwe modiri wa boitekanelo yo o dirang mo setheong sa boitekanelo a sa kgone gongwe a sa battle go ikobela ditekanyetso gongwe seemo se se beilweng sa tiro se se botlhokwa mo boitekanelong le pabalesegong ya badirisi; gongwe d fa setheo sa boitekanelo gongwe bothusi jwa boitekanelo, fela jaaka go le maleba, gongwe motlamedi wa tlhokomelo ya boitekanelo gongwe modiri wa boitekanelo yo o dirang mo setheong sa boitekanelo a tsweletse go gatakaka ditshwanelo tsa molaotheo tsa badirisi gongwe a kgoreletsa Mmuso mo go diragatseng maikarabelo a ona a go tswelela go fitlhelela tshwanelo ya molaotheo ya go fitlhelela ditirelo tsa boitekanelo.
Fa Mokaedi Kakaretso a gana kopo ya setifikeiti sa tlhokego gongwe a gogela morago setifikeiti sa tlhokego, Mokaedi Kakaretso o tshwanetse gore mo sebakeng se se amogelesegang, a tlamele mokopi gongwe motshodi, fela jaaka go le maleba, mabaka a a kwadilweng a go gana goo gongwe go gogelwa morago.
Setifikeiti sa tlhokego se dira sebaka se se rebotsweng, fela sebaka seo se se rebotsweng ga se a tshwanela go feta dingwaga di le 20.
Motho mongwe le mongwe yo o utlwisitsweng botlhoko ke tshwetso ya Mokaedi Kakaretso go ya ka karolo ya 36, a ka ikuela ka go kwalela Tona kgatlhanong le tshwetso eo.
a go tsenngwa mo sebakeng sa malatsi a le 60 go tswa kwa letlheng le Mokaedi Kakaretso a fileng mabaka a a kwadilweng a tshwetso gongwe letlha le le kwa moragonyana jaaka Tona a ka letla; mme b bo tlhalose mabaka a boikuelo.
a a tlhomamise, a beele thoko gongwe a fetole tshwetso; gongwe b a dire gore tshwetso nngwe le nngwe fela e e kaneng e le gona e emelwe ke tshwetso ya Mokaedi Kakaretso.
Tona o tshwanetse go naya moikuedi mabaka a a kwadilweng a tshwetso eo mo sebakeng se se amogelesegang.
d morero mongwe le mongwe fela o o malebana le go rebolwa ga setifikeiti sa tlhokego le tlhatlhobo le tsamaiso ya ditheo tsa boitekanelo le bothusi jwa boitekanelo.
g e tshwanetse go tila gongwe go thibela ditiro, dikema, gongwe dithulaganyo tsa batlamedi ba tlhokomelo ya boitekanelo gongwe ditheo tsa boitekanelo tse di thulanang ka tlhamalalo gongwe e seng ka tlhamalalo, di gatakakang gongwe di nyatsang maitsholo a a siameng a seporofešenale; mme h e tshwanetse go netefatsa gore boleng jwa ditirelo tsa boitekanelo tse di tlamelwang ke ditheo tsa boitekanelo le bothusi jwa boitekanelo bo ikobela ditekanyetso le seemo se se rebotsweng.
Motho mongwe le mongwe yo o dirang sengwe fela se se kabakanngwang mo karolong ya 36 ntle le setifikeiti sa tlhokego se se batlegang go ya ka karolo eo o dirile tlolomolao.
Motho mongwe le mongwe yo o tshwarelwang go tlola molao go ya ka karolwana ya 1 a ka atlholelwa go lefa gongwe go golegwa sebaka se se sa feteng dingwaga di le tlhano gongwe go lefa gammogo le go golegwa.
mefuta e e farologaneng ya kalafi; le dikarolo tse di farologaneng tsa ditheo tsa setšhaba tsa boitekanelo; le d ka go batla maikutlo mo bothating jo bo maleba jwa Matlotlo, a swetsa ka seelo sa lotseno le le kgobokantsweng ke setheo se se maleba sa setšhaba sa boitekanelo se se arogantsweng jaaka bookelo, e e ka salang mo bookelo le ka moo matlole ao a ka dirisiwang ka gona.
Fa go swediwa ka sejule ya dituelo, tuelo ya tirelo e e rileng ga e a tshwanela go farologana fa go lebeletswe badirisi ba e leng gore ga se baagi ba porofense.
Le fa go ntse go na le karolwana ya 2, porofense e baagi ba yona ba dirisang ditirelo tsa porofense e nngwe e tshwanetse go duelela porofense eo ditirelo tsa boitekanelo tse baagi ba go nna jalo ba tlametsweng ka tsona ka tsela le go ya jaaka go rebotswe ke Tona, morago ga go batla maikutlo a lephata la Matlotlo la Bosetšhaba, jaaka go le maleba mo bookelong sa bogareng, mme fa e le bookelo jo bongwe fela, bothati jwa Matlotlo jo bo maleba.
Tona o tshwanetse go thapa boto ya kemedi ya bookelo mo bookelong sengwe le sengwe sa bogareng gongwe mo setlhopheng sa dipetlele tsa bogareng.
Ditiro tsa boto ya bookelo jwa bogareng di tshwanetse go rebolwa ke Tona.
go rebola ditiro tsa diboto tsa go nna jalo; le go rebola dithulaganyo tsa dikopano tsa boto.
b Bookelo jo bo kabakanngwang mo temeng ya a ga se akaretse bookelo jwa bogareng.
d baemedi ba sa fete tharo ba baagi ba ba direlwang ke septlele, go akarediwa ditlhopha tse di nang le dikgatlhego tse di kgethegileng tse di emetseng badirisi; le e baemedi ba sa fete tlhano ba badiri le batsamaisi ba bookelo, fela baemedi bao ga ba a tshwanela go bouta kwa dikopanong tsa boto.
Diboto tse di kabakanngwang mo dikarolwaneng tsa 4 le 6 di ka akaretsa batho ba ba sa feteng tlhano ba ba nang le bokgoni jo bo kgethegileng mo maphateng a tshwana le a bobalatlotlo, tsamaiso ya ditšhelete, tsamaiso ya badiri, tsamaiso ya tshedimosetso le merero ya molao.
Ditokololo tsa boto ya bookelo di thapiwa sebaka sa dingwaga di le tharo ka nako mme Tona, mo mabakeng a dipetlele tsa bogareng, gongwe Mokhuduthamaga yo o maleba, mo mabakeng a dipetlele tse dingwe, a ka dira gore tokololo nngwe e emelwe ke e nngwe fa go tlhokega jalo.
b tikwatikwe ya boitekanelo ya baagi; gongwe c tleleniki le tikwatikwe ya boitekanelo ya baagi gongwe setlhopha sa ditleleniki le ditikwatikwe tsa boitekanelo tsa baagi.
b tokololo e le nngwe gongwe go feta ya baagi ba ba direlwang ke setheo seo sa boitekanelo; le c tlhogo ya tleleniki gongwe tikwatikwe eo ya boitekanelo.
Ditiro tsa komiti di tshwanetse go rebolwa mo peomolaong ya porofense eo.
a seemopotlana le ditlhokego tsa tlamelo ya ditirelo tsa boitekanelo kwa mafelong a mangwe ntle le ditheo tsa boitekanelo, go akarediwa dikolo le mafelo a setšhaba; le b dikotlhao fa go na le tlolomolao gongwe go retelelwa ke go ikobela seemo gongwe ditlhokego tsa go nna jalo.
Melao ya porofense e tshwanetse go nna le tlamelo ya tlamelo ya ditirelo tsa boitekanelo kwa ditheong tsa boitekanelo mo porofenseng eo go na le kwa dipetlele.
a Tona, mo dikgatlhegong tsa boitekanelo le botshelo jwa batho ba ba yang kwa sekolong sa thupiso mme go lebeletswe ditlamelo tsa molao mongwe fela, a ka rebola seemo se go rupisiwa ga motho go ka dirwang ka gona fa e le karolo ya moletlo wa go aloga.
"moletlo wa go aloga" o kaya moetlo wa setso o ka ona motho a tsenngwang mo mokgweng gongwe a newa seemo se se riling gongwe temogo mo baaging.
Tona, go lebeletswe ditlamelo tsa molao mongwe fela, a ka rebola ditlamelo tse di malebana le ditiro tsa setso tsa boitekanelo go netefata boitekanelo le botshelo jwa batho ba go dirwang ditiro tseo tsa boitekanelo mo go bona.
Go lebeletswe Molao ono, modirisi a ka etela setheo sa setšhaba sa boitekanelo go bona ditirelo tsa boitekanelo.
Fa setheo sa setšhaba sa boitekanelo se sena bokgoni jwa go tlamela ka kalafi gongwe tlhokomelo e e tlhokegang, setheo seo sa setšhaba sa boitekanelo se ka fetisetsa modirisi yoo kwa setheong se se tshwanetseng sa setšhaba sa boitekanelo se se nang le bokgoni jwa go tlamela ka kalafi gongwe tlhokomelo e e maleba ka tsela e, mme go ya ka ditlhokego tse di tla bong di sweditswe ke Tona gongwe Mokhuduthamaga yo o maleba, fela jaaka go tla bo go le maleba.
Tona o tshwanetse go rebola dithulaganyo tse di tla kgontshang gore go nne le dikamano tse di gokagantsweng magareng ga ditheo tsa poraefete le tsa setšhaba tsa boitekanelo mo tlamelong ya ditirelo tsa boitekanelo.
Lefapha la bosetšhaba, lefapha lengwe le lengwe fela la porofense, gongwe lekgotlatoropo le ka tsena mo tumelanong le motlamedi wa poraefete, setheo sa poraefete sa boitekanelo gongwe mokgatlho o e seng wa puso gore go fitlhelelwe maikemisetso mangwe fela a Molao ono.
Tumelano e e kabakanngwang mo karolwaneng ya 2 e tshwanetse go ikobela Molao wa Tsamaiso ya Ditšhelete tsa Setšhaba wa ngwaga wa 1999 Molao wa bo1 wa ngwaga wa 1999, gongwe molao wa tsamaiso ya ditšhelete tsa lekgotlatoropo, jaaka go tla bo go le maleba.
Setheo sengwe le sengwe sa poraefete sa boitekanelo se tshwanetse go tlhokomela go nna le inšorense e e lekaneng go ka golola modirisi mo tshenyong e a ka e itemogelang ka ntlha ya phoso e e dirilweng ke mongwe wa badiri ba sona.
Ditheo tsotlhe tsa boitekanelo di tshwanetse go ikobela ditlhokego tsa boleng le seemo se se rebotsweng ke Tona morago ga go batla maikutlo a Khansele ya Bosetšhaba ya Boitekanelo.
Ditlhokego tsa boleng le seemo se se kabakanngwang mo karolwaneng ya 1 di ka kaya badiri, thekenoloji ya boitekanelo, didiriswa, boitekanelo, meago, tlamelo ya ditirelo tsa boitekanelo; ditiro tsa kgwebo; pabalesego le tsela e badirisi ba fiwang bonno ka yona le ka moo ba tsholwang ka gona.
Kantoro ya Seemo sa Go Ikobelwa Seemo le Botlhatlhobi jwa Ditheo tsa Boitekanelo e tshwanetse go tlhokomela le go netefatsa boikobo ka ditlhokego tsa boleng le seemo se se kabakanngwang mo karolwaneng ya 1.
Khansele ya Bosetšhaba ya Boitekanelo e tshwanetse go tlhama pholesi le kaedi, le go tlhokomela tlamelo ya phasalatso, tlhabololo, tsamaiso le tiriso ya badiri mo thulaganyong ya bosetšhaba ya boitekanelo.
b tlamelo ya badiri ba ba katisitsweng ka tshwanelo mo magatong otlhe a thulaganyo ya bosetšhaba ya boitekanelo gore go fitlhelelwe ditlhokego tsa setšhaba tsa tlhokomelo ya boitekanelo; le c tiriso e e bokgoni, go dira, tsamaiso le tshegetso ya badiri mo thulaganyong ya bosetšhaba ya boitekanelo.
Tona, ka tumelano ya Khansele ya Bosetšhaba ya Boitekanelo, o tshwanetse go swetsa ka kaedi e e tla kgontshang mafapha a porofense le dikhansele tsa kgaolo tsa boitekanelo go diragatsa mananeo a phasalatso e e tshwanetseng ya batlamedi ba tlhokomelo ya boitekanelo le badiri ba boitekanelo.
Ka go riana go tlhamiwa foramo e e tla itseweng jaaka Foramo ya Khansele ya Semolao ya Baporofešenale ba Boitekanelo e dikhansele tsotlhe tsa molao tsa baporofešenale ba boitekanelo di tshwanetseng go nna le kemedi mo go yona.
Foramo ya khansele ya Semolao ya Baporofešenale ba Boitekanelo e dirwa ke bannasetilo ba dikhansele semolao ya baporofešenale ba boitekanelo le bakwadisi gongwe batlhankedikhuduthamaga bagolo, fela jaaka go tla bo go le maleba, ba dikhansele semolao ya baporofešenale ba boitekanelo.
baemedi ba le bararo ba baagi ba ba thapilweng mo go nngwe fela ya dikhansele tsa semolao tsa baporofešenale ba boitekanelo tse di kabakanngwang mo karolwaneng ya ; le baemedi ba le babedi ba ditheo tsa thuto e kgolo, mo Foramong ya Khansele ya Semolao ya Baporofešenale ba Boitekanelo.
b i Tona o tshwanetse go thapa motho yo o siameng jaaka monnasetilo wa Foramo ya Khansele ya Semolao ya Baporofešenale ba Boitekanelo.
Monnasetilo o tla nna mo kantoro sebaka se se tla bong se sweditswe le Tona fa a mo thapa, fela se sa fete dingwaga di le pedi, mme a ka thapiwa gape morago ga gore paka ya gagwe ya kantoro e khutle.
viii. a khutla go nna le borutegi bope fela jo bo tlhokegang mo tirong eo ya gagwe; gongwe ix. Tona, mo dikgatlhegong tsa setšhaba, a khutlisa botokololo jwa gagwe.
x. morero mongwe le mongwe fela o o ka rebolwang.
batla maikutlo gongwe ya reetsa ditlhagiso ka motho mongwe le mongwe fela, setheo gongwe bothati; mme e ka tlhama komiti go e gakolola ka morero mongwe le mongwe fela.
b Komiti e e kabakanngwang mo temeng ya a ii e ka dirwa ke batho ba ba sa feteng supa ba ba tshwanetseng go nna le kitso e e maleba, boitseanape, bokgoni le maitemogelo a a tla kgontshang komiti go tlamela ka kgakololo e e tlhokegang.
c Monnasetilo wa Foramo o tshwanetse go nna tokololo ya komiti.
a Tshwetso ya Foramo ya Dikhansele tsa Semolao tsa Baporofešenale ba Boitekanelo e tshwanetse go tsewa ka diboutu tsa bontsi jwa bonnye pedi-tharong ya ditokololo tsa Foramo tse di leng gona kwa kopanong ya Foramo.
b Khoramo ya kopano nngwe le nngwe ya Foramo ke bonnye, halofo ya ditokololo tsa Foramo le a le mongwe.
c Mo mabakeng a go nang le tekatekano ya diboutu, monnasetilo wa Foramo o na le boutu ya tshwetso mo godimo ga boutu ya gagwe e e tlwaelegileng.
Foramo ya Dikhansele tsa Semolao tsa Baporofešenale ba Boitekanelo e ka swetsa ka thulaganyo ya dikopano tsa yona.
Foramo ya Dikhansele tsa Semolao tsa Baporofešenale ba Boitekanelo e tshwanetse go kopana, bonnye gararo ka ngwaga.
Foramo ya Dikhansele tsa Semolao tsa Baporofešenale ba Boitekanelo e bona tlamelo ya matlotlo mo dituelong tse di rebotsweng tsa botokololo tse di diuelwang ke dikhansele tsa semolao tsa baporofešenale ba boitekanelo.
Ditokololo tsa Foramo ya Semolao ya Baporofešenale ba Boitekanelo di ka dumelana gore motho yo o thapilweng ke nngwe ya dikhansele tsa semolao tsa baporofešenale ba boitekanelo tse di nang le kemedi mo Foramong o tshwanete go dira jaaka mokwaledi kwa kopanong ya Foramo.
a ditikwatikwe tsa borutegi tsa boitekanelo tse di ka dirwang ke setheo sa boitekanelo se le sengwe gongwe go feta kwa magatong otlhe a thulaganyo ya bosetšhaba ya boitekanelo, go akarediwa ditlamelo tse di kwa melelwaneng, le setheo gongwe ditheo tsa thuto tse di dirang mmogo go ruta le go katisa badiri ba tlhokomelo ya boitekanelo le go dira dipatlisiso tsa ditirelot sa boitekanelo; le b dikomiti dingwe fela tsa bogokaganyi go ya fela jaaka go tla bo go tlhokega gore di dire ditiro tse di tla bong di rebotswe.
h go netfatsa gore go nna le tlhaloso ya seabe le ditiro tsa lefapha la bosetšhaba, mafapha a diporofense gammogo le makgotlatoropo malebana le thulaganyo, tlhagiso le tsamaiso ya badiri; le i go rebola seemos e mo go sona badiri ba tlhokomelo ya boitekanelo ba ka ngokiwang go tswa kwa dinageng tse dingwe go tlamela ka ditirelo tsa boitekanelo mo Rephaboliking.
Tona o tshwanetse go tlhoma tirelo ya tshelo ya madi ya Rephaboliki ka go rebola laesense go mokgatlho o o sa direng lotseno, o o kgonang go tlamela ka tirelo ya tshelo ya madi go ralala Rephaboliki.
b a ka tlhoma diyuniti tsa dikgaolo gore di tlamele ka ditirelo tsa tshelo ya madi, tse di tla bong di dira ka fa tlase ga taolo ya motshodi wa laesense; mme c o na le tshwanelo a le nosi fela ya go tlamela ka tirelo ya tshelo ya madi mo Rephaboliking.
Motho yo mongwe fela ntle le motshodi wa laesense e e rebotsweng go ya ka karolwana ya 1, yo o tlamelang ka tirelo ya tshelo ya madi mo rephaboliking, dira tlolomolao mme a ka atlholelwa go lefa gongwe go golegwa sebaka se se sa feteng dingwaga di le tlhano gongwe go lefa le go golegwa.
Tona, ka kitsiso mo Kaseteng, a ka rebola setheo sengwe le sengwe go na le setheo se se kabakanngwang mo karolong ya 63 jaaka setheo se se dumeletsweng.
c tlamela ka thišu nngwe le nngwe fela e se e bolokileng go setheo gongwe motho yo o kabakanngwang mo karolong ya 63 go dirisediwa mabaka mangwe le mangwe fela a a kailweng mo karolong ya 58 gongwe 64; le d bona, dirisa le tlamela ka ditlhagiswa tsa madi go dirisiwa mo mabakeng mangwe le mangwe fela a a kailweng mo karolong ya 56 gongwe 64.
Tona, ka kitsisio e e kabakanngwang mo karolwaneng ya 1, a ka dirisa seemo se se malebana le tiriso ya dithata e e kaiwang mo karolwaneng ya 2.
a ka tumelelo e e kwadilweng ke motho yo thišu, madi, didirwa tsa madi gongwe dikamete di tloswang mo go ena e e rebotsweng ka tsela e e rebotsweng; le b go ya ka seemo se se rebotsweng.
Motho a ka dirisa thišu gongwe dikamete tse di tlositsweng gognwe madi gongwe ditlhagiswa tsa madi tse di gogilweng go tswa mo mothong yo o tshelang fela mo mabakeng a kalafi gongwe a bongaka jwa meno fela jaaka go tla bo go rebotswe.
kamete go tswa mo mothong yo o monnye go na le dingwaga di le 18; gongwe iv. samorago, dithišu tsa emborio gongwe ya lesea le le iseng le tsalwe, disele tsa medi le lelana la mohubu, go sa akarediwe disele tsa tshimologo tsa lelana la mohubu.
b Tona a ka laolela go tlosiwa gongwe go gogiwa ga dithišu, madi, setlhagiswa sa madi gongwe dikamete tse di kabakanngwang mo temeng ya a mme a ka diragatsa seemo sengwe le sengwe se se ka nnang botlhokwa malebana le go tlosiwa gongwe go gogiwa goo.
a go fetola dire dingwe le dingwe tsa jenetiki, go akarediwa dire tsa jenetiki tsa dikamete tsa batho, disaekoute gongwe diemborio; gongwe b go dira sepe fela, go akarediwa phetiso ya nyutlelia gongwe go aroganngwa ga emborio, go dirisediwa mabaka a go dirwa ga batho ba ba tshwanang le ba bangwe ka go tsaya disele tsa ba ba tshelang.
Ga gona motho ope yo o ka romelang teng gongwe go romela ntle di-zygote gongwe di emborio tsa batho ntle le tetla go tswa go Tona.
Motho mongwe le mongwe yo o tlolang ditlamelo tsa karolo eno gongwe yo o retelelwang ke go ikobela seno o dira tlolomolao e e ka lebisang kwa go atlholelweng tuelo gognwe go golegwa sebaka se se sa feteng dingwaga di le tlhano gongwe kotlhao ya tuelo le ya go golegwa.
a go tsadisa ka go dira motho wa maitirelo" go kaya go fetola dire tsa jenetiki gore go fitlhelelwe tsadiso ya motho mme seno se akaretsa phetiso ya nyutlelia gongwe go aroganngwa ga emborio go dirisediwa mabaka ao; mme c "go dira motho wa maitirelo yo o tshwanang le yo mongwe mo mabakeng a kalafi" go kaya go getola dire tsa jenetiki e ka nna go tswa mo mogolong, disele tsa saekoute gongwe tsa emborio go fetola, go alafa go lebeletswe tiro ya disele gongwe dithišu.
ngaka e e rweleng maikarabele a ditirelo tsa kalafi mo bookelo gongwe kwa setheong se se dumeletsweng, gongwe ngaka nngwe fela e e laoletsweng jalo ke ena; gongwe mo mabakeng a go senang ngaka e e rweleng maikarabelo a ditirelo tsa bongaka kwa bookelo gongwe kwa setheong se se dumeletsweng, ngaka e e laoletsweng jalo ke motho yo o rweleng maikarabelo a bookelo gongwe setheo se se dumeletsweng.
Ngaka e e kabakanngwang mo karolwaneng ya 1b ga e a tshwanela go nna le seabe mo jaleleleng e a e reboletseng taolo go ya ka karolwana eo.
Mo mabakeng a Kgaolo eno, ke ngaka e e kwadisitsweng fela gongwe ngaka ya meno e e ka tlosang dithišu dingwe le dingwe fela go tsa mo mothong yo o tshelang, ya dirisetsa dithišu tse di tlositsweng jalo mabaka a a kabakanngwang mo karolong ya 56 gongwe ya jalelela thišu e e tlositsweng jalo mo mothong yo mongwe yo o tshela.
Go lebeletswe Molao wa Taolo ya Melemo le Tse di Amanang nayo wa ngwaga wa 1965, Molao wa bo101 wa ngwaga wa 1965, ke ngaka e e kwadisetsweng fela gongwe ngaka ya meno, gongwe motho yo o dirang ka fa tlase ga tlhokomelo gongwe ka taelo ya ngaka gongwe ngaka ya meno, yo, mo mabakeng a Kgaolo eno, a ka tsenyang motho yo o tshelang madi gongwe ditlhagiswa tsa madi, gongwe a rebolela motho yo o tshelang madi gongwe ditlhagiswa tsa madi.
b motho gongwe setheo se se kabakanngwang mo karolong ya 63 gongwe setheo se se laoletsweng, a ka amogela tuelo malebana le go romelwa teng, go romelwa ntle gongwe go tlamela motho yo mongwe ka madi gongwe ditlhagiswa tsa madi.
Tšhelete e e duelwang e e kabakanngwang mo karolwaneng ya 1 ga e a tshwanela go feta tšhelete e e tlhokegang go fitlhelela ditshenyegelo tse di amanang le go romelwa teng, go romelwa ntle gongwe go bonwa gongwe go tlamela ka thišu, kamete, madi gongwe ditlhagiswa tseo tsa madi.
Karolo eno ga e thibele motlamedi wa tlhokomelo ya boitekanelo yo o kwadisitsweng le khansele ya semolao ya baporofešenale ba boitekanelo go amogela tuelo ya tirelo nngwe le nngwe fela ya seporofešenale e a tlametseng ka yona.
a yo o abileng thišu, kamete, madi gongwe ditlhagiswa tsa madi, a amogele tuelo ya tšhelete gongwe ya mofuta ofe fela ka ntlha ya kabo eo, ntle le fela tuelo ya ditshenyegelo tse a di itemogetseng fa a ne a dira kabelo eo; le b go rekisa gongwe go gweba ka thišu, kamete, madi gongwe ditlhagiswa tsa madi, ntle le jaaka go dirilwe tlamelo mo Kgaolong eno.
Motho mongwe le mongwe yo o atlholelwang tlolomolao go ya ka karolwana ya 4, fa a tshwarwa a ka atlholelwa tuelo gongwe go golegwa sebaka se se sa feteng dingwaga di le tlhano gongwe a atlholelwa tuelo le kgolego eo mmogo.
Dirwe tsa batho tse di bonweng go tswa mo bathong ba ba tlhokafetseng gore di dirisediwe go jalelelwa gongwe kalafi, gongwe katiso gongwe patlisiso ya bongaka gongwe ya bongaka jwa meno, di tshwanetse go dirisiwa fela ka tsela e e rebotsweng.
Dirwe tsa batho tse di bonweng go ya ka karolwana ya 1 di tshwanetse go abiwa go ya ka dithulaganyo tse di rebotsweng.
Ga go a tshwanela gore go jalelelwe serwe mo mothong yo e seng moagi wa Aforika Borwa gongwe moagi wa leruri wa Rephaboliki ntle le tumelelo ya Tona e e kwadilweng.
a ditlhokego tsa thebolo ya ditlamelo tsa jalelelo ya dirwe; le b dikgato tsa thulaganyo tse di tshwanetseng go dirisediwa thebolo eo.
a Motho yo o tlolang ditlamelo tsa karolo eno gongwe yo o retelelwang ke go o ikobela gongwe yo o kopang tuelo ya dirwe tsa batho o tlodile molao.
b Motho mongwe le mongwe yo o tshwarelwang tlolomolao go ya ka tema ya a fa a tshwarwa a ka atlholelwa tuelo gognwe go golegwa sebaka se se sa feteng dingwaga di le tlhano gongwe katlholo ya tuelo le ya go golegwa.
mo lekwalong le le saenilweng ke ena le, bonnye, dipaki di le pedi tse di nang le bokgoni; gongwe ka polelo e e buiwang ka molomo e e dirilweng fa pele ga, bonnye, dipaki di le pedi tse di nang le bokgoni a ka aba mmele wa gagwe gongwe thišu e e rileng ya ona go dirisiwa morago ga loso la gagwe, a ntsha tumelelo ya gore go dirwe tlhatlhobo ya morago ga loso mo mmeleng wa gagwe go tsweletsa mabaka ape fela a a nang le tlamelo mo Molaong ono.
b Motho yo o dirang kabo e e kabakanngwang mo temeng ya a o tshwanetse go tlhopha setheo gongwe motho yo o kabakanngwang mo karolong ya 63 jaaka moamogedi wa kabo.
c Fa go sa tlhophiwa moamogedi wa kabo go ya ka tema ya b, kabo eo e a phimolwa.
d Tema ya b ga e dire mo malebana le serwe se se abetsweng mabaka a a kabakanngwang mo karolong ya 611 mme moamogedi wa serwe seo o tshwanetse go swediwa go ya ka karolo ya 612.
Fa go sena kabo ka fa tlase ga karolwana ya 1 a gongwe go sena kaelo e e ntshiwang ke motho fa a sa ntse a tshela, monna/mosadi, molekane, ngwaga yo mogolo, motsadi, motlhokomedi, morwarre gongwe kgaitsedi yo mogolo wa motho yoo, ka tatelano e e kailweng, e kare morago ga loso, a abela mmele gongwe thišu e e rileng ya motho yoo go setheo gongwe motho yo o kabakanngwang mo karolong ya 63.
a Mokaedi Kakaretso, morago ga loso la motho, mme fa go sena ope wa batho ba ba kabakanngwang mo karolwaneng ya 2 yo go kgonwang go ikgolaganya nae, a ka aba thišu e e rileng ya motho yoo go setheo gongwe motho yo o kabakanngwang mo karolong ya 63.
b Mokaedi Kakaretso a ka aba thišu e e rileng eo fa fela go latetswe dikgato tse di rebotsweng go leka go golagana le batho ba ba kabakanngwang mo karolwaneng ya 2.
Mmele wa motho, dithišu, madi, didirwa tsa madi gongwe dikamete di ka abiwa ke motho mongwe le mongwe yo o kabakanngwang mo karolong ya 55(a) gongwe 62 go setheo sengwe le sengwe se se rebotsweng gongwe motho go dirisediwa mabaka a a kabakanngwang mo 56 gongwe 64.
d mabaka a kalafi, go akarediwa go dirisa dithišu mo mothong mongwe le mongwe yo o tshelang; gongwe e tlhagiso ya dire tsa kalafi, go bona bolwetse gongwe thibelo ya bolwetse.
a go segiwa ga mmele go goga madi le go tsenya ditlotsi mo boemong jwa ona; gongwe b go baakanngwa ga tshwanologo nngwe fela gongwe go mutlhega ga mmele pele ga o fitlhwa.
Moabi, pele ga jalelelo ya serwe se se maleba mo moamogeding, a ka gogela morago kabelo ka tsela e e dirilweng ka yona, gongwe, fa e le kabelo ka tsela ya wili gongwe lekwalo lengwe fela, ka go senya ka bomo wili gongwe lekwalo leo.
b monna/mosadi, molekane, ngwana yo mogolo, motsadi, motlhokomedi, mogolole gongwe kgaitsedi yo mogolo wa moswi, ka tatelano e e kailweng, a ka rebola tumelelo eo; gongwe c tlhatlhobo eo e tlhokega go swetsa ka se se tlhodileng leso.
a ngaka e e rweleng maikarabelo a ditirelo tsa kalafi mo bookelo gongwe setheo se se dumeletsweng gongwe motšhare oo, gongwe ngaka nngwe fela e e dumeletsweng ke ngaka eo, a dumeletse tlhatlhobo ya morago ga leso ka go kwala le ka tsela e e rebotsweng; gongwe b mo mabakeng a go senang ngaka e e rweleng maikarabelo a ditirelo tsa kalafi, ngaka e e dumeletsweng ke motho yo o rweleng maikarabelo a bookelo seo gongwe setheo se se dumeletsweng, a dumeletse tlhatlhobo ya morago ga leso ka go kwala le ka tsela e e rebotsweng.
Tona, fa go na le kopo e e kwadilweng ya setheo gongwe motho yo o tlhokang thišu go dirisediwa mabaka a a kabakanngwang mo karolong ya 64 , a ka dumelela setheo gongwe motho yoo, ka go kwala, go bonala thišu eo go tswa kwa ngakeng e e kabakanngwang mo karolwaneng ya gongwe motho gongwe setheo se se kabakanngwang mo karolong ya 63.
b Tona a ka remola seemo sengwe le sengwe fela mo setheong se, gongwe motho yo o neilweng tumelelo go ya ka tema ya a.
c Molao ono ga o thibele batho gognwe ditheo go bona dithišu go ya ka Molao wa Bosetšhaba wa Ditlamelo tsa Boswa wa ngwaga wa 1999 Molao wa bo25 wa ngwaga wa 1999, go tsweletsa Molao oo.
a setheo se se rebotsweng gongwe motho yo o kabakanngwang mo karolong ya 63; gongwe b setheo se se duleletsweng se se dirang kopo jalo ka go kwala, go tlosa thišu nngwe le nngwe e e tlhalositsweng mo mmeleng o o maleba pele ga o ka fitlhwa.
a karolo ya 3 ya Molao wa Ditlhotlhomiso wa ngwaga wa 1959 Molao wa bo58 wa ngwaga wa 1959; gongwe b karolo ya bo711a gongwe b, e tshwanetse go tlosa gongwe ya dira gore go tlosiwe mo mmeleng, thišu go ya jaaka go tla bo go tlhalositswe mo tumelelong e e ka fa tlase ga karolwana ya mme e tshwanetse go e isa kwa setheong gongwe kwa mothong yo o tshotseng tumelelo.
a go na le kgonagalo ya gore go tlosiwa ga thišu go ka ama ditlamorago tsa tlhatlhobo; gongwe b mmele gongwe thišu e e amegang eo e abilwe gongwe fa go tlosiwa go tla bo go ganetsa kaelo e e ntshitsweng ke moswi pele ga leso la gagwe.
q go thapiwa le ditiro tsa batlhatlhobo ba tirelo ya bosetšhaba ya tshelo ya madi le ditheo tsa jalelelo ya disele tsa tshimologo; le r morero mongwe le mongwe fela o o malebana le go lebelela taolo le tiriso ya mebele ya batho, dithišu, dirwe, dikamete, madi le ditlhagiswa tsa madi mo bathong.
Tona, ka tumelano le tokololo ya Kabinete e e rweleng maikarabelo a ditšhelete, a ka dira melalwana e e malebana le tuelo ya batho gongwe ditheo malebana le go bonwa, poloko, tlamelo, thomelo teng gongwe thomelo ntle ya mebele ya batho, dithišu, madi, ditlhagiswa tsa madi gongwe dikamete.
Tona, fa seo se tsamaelana le maikemisetso a Molao ono le go ya ka seemo sa Tona a ka bonang se tshwanetse, ka kitsiso ya Kasete, a ka golola motho mongwe le mongwe fela gongwe setlhopha sa batho go tswa mo go molawana mongwe gongwe melawana yotlhe fela e e dirilweng ka fa tlase ga karolo eno.
Tona o tshwanetse go tlhama komiti e e tla itseweng jaaka Komiti ya Bosetšhaba ya Patlisiso ya Boitekanelo.
a Komiti ya Bosetšhaba ya Patlisiso ya Boitekanelo e dira ke batho ba sa fete 15, ba ba thapilweng ke Tona morago ga go batla maikutlo a Khansele ya Bosetšhaba ya Boitekanelo.
o dira paka e e sa feteng dingwaga di le tharo mme a ka thapiwa gape sebaka sa paka e le nngwe gongwe go feta; mme o khutla go nna tokololo fa a kwala lekwalo la go rola tiro gongwe fa a kopiwa ke Tona ka ntlha ya mabaka a a molemo go rola tiro.
c Phatlhatiro e e nnang mo Komiting ya Bosetšhaba ya Patlisiso ya Boitekanelo e tshwanetse go thibiwa ka thapa motho sebaka sa paka e e setseng ya go nna mo kantorong ga tokololo e go thapiwang motho mo boemong jwa yona, le ka tsela e e tshwanang fela le e tokololo e neng e thapilwe ka yona go ya ka tema ya a.
c go tlhabolola le go gakolola Tona ka go dirisiwa le tiragatso ya togamaano e e kopaneng ya bosetšhaba mo patlisisong ya boitekanelo; le d go gokaganya ditiro tsa patlisiso tsa ditheo tsa setšhaba tsa boitekanelo.
Tona o tshwanetse go rebola tsela e Komiti ya Bosetšhaba ya Patlisiso ya Boitekanelo e tshwanetseng go tsweletsa merero ya yona ka teng le dithulaganyo tse di tshwanetseng go latelwa kwa dikopanong tsa Komiti, go akarediwa le tsela e ditshwetso di tshwanetseng go tsewa ka yona.
Tokololo ya Komiti ya Bosetšhaba ya Boitekanelo e e sa thapiwang leruri ke Mmuso, e tshwanetse go duelelwa tirelo ya yona jaaka tokololo ka tuelo e e tla bong e rebotswe ke Tona ka tumelano le Tona ya Ditšhelete.
Komiti ya Bosetšhaba ya patlisiso ya Boitekanelo e tshwanetse go supa le go gakolola Tona ka ditlapele tsa patlisiso ya boitekanelo.
d ditlhokego tsa boitekanelo tsa ditlhopha tse di bokoa go tshwana le basadi, bagodi, bana le batho ba ba sa itekanelang mo mebeleng; le e ditlhokego tsa boitekanelo tsa baagi.
a ka tsela e e rebotsweng; le b ka tumelelo e e kwadilweng ke motho morago ga a sena go itsisewe maikemisetso a patlisiso gongwe tekeletso le ditlamorago dingwe le dingwe fela tse di molemo gongwe tse di bosula tse di ka nnang teng mo boitekanelong jwa gagwe.
c ka tumelelo ya motsadi gongwe motlhokomedi wa ngwana; le d fa ngwana a na le bokgoni jwa go tlhaloganya; ka tumelelo ya ngwana.
ka tumelelo ya motsadi gongwe motlhokomedi wa ngwana; le iv. fa ngwana a na le bokgoni jwa go tlhaloganya; ka tumelelo ya ngwana.
iv. patlisiso gongwe tekeletso e e ka nna kotsi mo boitekanelong jwa ngwana; gongwe v. go na le kotsi mo boitekanelong gongwe botshelong jwa ngwana mme dipoelo tse di ka nnang gona tsa patlisiso gongwe tekeletso ga di gaise kotsi.
Ka go riana go tlhomiwa khansele e e tla itseweng jaaka Khansele ya Bosetšhaba ya Maitsholo ya Patlisiso ya Boitekanelo.
a morago ga go batla maikutlo a Khansele ya Bosetšhaba ya Boitekanelo, go tlhapa jaaka ditokololo tsa Khansele ya Bosetšhaba ya Maitsholo ya Patlisiso ya Boitekanelo, batho ba sa fete 15 ba ba tlhophilweng ke maphata a a nang le kgatlhego ka taletso e e dirilweng ke Tona ka kitsiso mo Kaseteng; mme b a phasalatse lenaane la ba ba thapilweng mo Kaseteng.
Tokololo ya Khansele ya Bosetšhaba ya Maitsholo ya Patlisiso ya Boitekanelo e thapiwa sebaka sa dingwaga di le tharo fela e ka thapiwa gape sebaka sa paka e le nngwe gongwe go feta.
Tokololo ya Khansele ya Bosetšhaba ya Maitsholo ya Patlisiso ya Boitekanelo e tshwanetse go tswa mo kantorong ya yona fa e rola tiro gongwe fa e kopiwa ke Tona go rola tiro ka ntlha ya mabaka a a molemo.
Fa tokololo ya Khansele ya Bosetšhaba ya Maitsholo ya Patlisiso e tswa mo kantorong gongwe e tlhokafala, Tona a ka tlatsa phatlhatiro ka go thapa motho go ya ka karolwana ya 2 go feleletsa paka e e setseng ya kantoro ya yo o tlileng fa pele ga gagwe.
f go tsaya dikgato tsa kgalemo jaaka di tla bo di rebotswe, kgatlhanong le motho mongwe le mongwe yo o fitlhelwang a gatakakile ditekanyetso gongwe seemo sepe fela, gongwe kaedi e e beetsweng go dirwa ga patlisiso go ya ka Molao ono; le g go gakolola lefapha la bosetšhaba le mafapha a diporofense ka ga dintlha dingwe le dingwe fela tsa maitsholo tse di malebana le patlisiso.
Go tsweletsa karolwana ya 6c, "ditekeletso mo bathong" di kaya thutopatlisiso e e rulaganeng e e akaretsang go diriswa ga batho mme e ikaelela go araba dipotso tse di rileng malebana le pabalesego gongwe bokgoni jwa molemo gongwe mokgwa wa kalafi.
Setheo sengwe le sengwe, bothusi jwa boitekanelo gongwe setheo sa boitekanelo se go dirwang patlisiso ya boitekanelo kwa go sona, se tshwanetse go tlhoma, gongwe sa kgona go fitlhelela komiti ya maitsholo ya patlisiso ya maitsholo, e e kwadisitsweng le Khansele ya Bosetšhaba ya Maitsholo ya Patlisiso ya Boitekanelo.
a go sekaseka ditshitshinyo tsotlhe tsa patlisiso le diporotokolo gore e kgone go netefatsa gore patlisiso e e dirwang ke setheo se se maleba, bothusi gongwe setheo sengwe e tla tsweletsa boitekanelo, e nna le seabe mo thibelong ya malwetse a a tshelanwang le a a sa tshelanweng gongwe bogole gongwe e tla lebisa kwa kalafing ya malwetse a a tshelanwanang gongwe a a sa tshelanweng; le b go rebola tetla ya patlisiso go setheo se se maleba gongwe bothusi mo mabakeng a ditshitshinyo le diporotokolo tsa patlisiso di kgotsofatsang seemo sa maitsholo sa komiti eo ya maitsholo ya patlisiso ya boitekanelo.
Lefapha la bosetšhaba le tshwanetse go thusa gore mafapha a porofense, dikhansele tsa kgaolo tsa boitekanelo, makgotlatoropo le lephata la poraefete la boitekanelo, a tlhoma, diragatsa le go tlhokomela dithulaganyo tsa tshedimosetso ya boitekanelo kwa magatong a bosetšhaba, porofense le a selegae gore go nne le thulaganyo e e kopaneng ya bosetšhaba ya tshedimosetso ya boitekanelo.
Tona, gore go tlhomiwe, tlhokomelwe gongwe go fetolela dibanka tsa tshedimosetso mo thulaganyong ya bosetšhaba ya tshedimosetso ya boitekanelo e e kabakanngwang mo karolong ya 1, a ka rebola dikarolo gongwe mefuta ya tshedimosetso e e tshwanetseng go tlhagisiwa le go kokoanngwa le tsela le thulaganyo, le gore ke mang a tshwanetseng go rulaganya tshedimosetso le go e tlhagisa kwa lefapheng la bosetšhaba.
Mokhuduthamaga yo o maleba o tshwanetse go tlhama komiti ya porofense gore e tlhame, tlhokomele, gokaganye le go diragatsa dithulaganyo tsa tshedimosetso ya boitekanelo tse di kabakanngwang mo karolong ya 74 kwa magatong a porofense le a selegae.
Khansele nngwe le nngwe ya kgaolo ya boitekanelo le lekgotlatoropo le le tlamelang ka ditirelo tsa boitekanelo di tshwanetse go tlhoma le go tlhokomela thulaganyo ya tshedimosetso ya boitekanelo jaaka karolo ya thulaganyo ya bosetšhaba ya tshedimosetso ya boitekanelo e e kabakanngwang mo karolong ya 74.
Mokhuduthamaga yo o maleba o tshwanetse go tlhama botlhatlhobi mo porofenseng ya gagwe, jo bo tla itsegeng jaaka Botlhatlhobi jwa Ditheo tsa Boitekanelo.
Mokhuduthamaga yo o maleba o tshwanetse go tlhagisa pegelo ya ngwaga le ngwaga go Tona, e e ka ga ditiro le diphitlhelelo tsa Botlhatlhobi jwa Ditheo tsa Boitekanelo jo bo tlhamilweng mo porofenseng ya gagwe.
Mokaedi Kakaretso o tshwanetse go tlhama Kantoro ya Go Ikobelwa ga Seemo mo lefapheng la bosetšhaba e e tshwanetseng go akaretsa motho yo o dirang jaaka rabadirisi wa dingongorego go ya ka Molao ono.
go tlhatlhobiwe ngongorego nngwe le nngwe, magatwe gongwe dipelaelo tse di malebana le go elwa tlhoko ga seemo se se beilweng sa boitekanelo; le go begela Mokaedi Kakaretso ka diphitlheleo tsa patlisiso nngwe le nngwe e e kabakanngwang mo temaneng ya (i).
Kantoro ya Go ikobelwa ga Seemo gongwe bathusi ba yona, e tshwanetse go tlhatlhoba setheo sengwe le sengwe sa boitekanelo le bothusi jwa boitekanelo, bonnye gangwe mo dingwageng di le tharo go netefatsa gore go ikobelwa Molao ono, mme e ka dira ditlhatlhobo tse di begilweng gongwe tse di sa begwang tsa setheo sa boitekanelo le bothusi jwa boitekanelo ka nako nngwe le nngwe fela.
a Kantoro ya Go ikobelwa ga Seemo e ka laela gore go tswalwe gotlhelele gongwe karolo nngwe ya setheo sa boitekanelo gongwe bothusi jwa boitekanelo fa go sa ntshiwa setifikeiti sa boitekanelo sa setheo seo sa boitekanelo gongwe bothusi jwa boitekanelo pele ga ditiro dipe fela tse di kabakanngwang mo karolong ya 36 e ka dirwa.
b Taelo e e ntshitsweng go ya ka tema ya a e tshwanetse go kwalwa mme e newe tlhogo ya setheo sa boitekanelo gongwe bothusi jwa boitekanelo joo.
Fa Kantoro ya Go ikobelwa ga Seemo e laela gore go tswalwe gotlhelele gongwe karolo nngwe ya setheo sa boitekanelo, Tona o tshwanetse go netefatsa, mo sebakeng se se amogelesegang morago ga letlha la go tswalwa goo, gore go nna le ditirelo tse dingwe tsa boitekanelo tse di amogelesegang le tse di ka fitlhelegang go baagi ba ba amilweng ke go tswalwa goo.
melawana ya kago; gongwe iv. ditlamelo tsa molao mongwe fela; gongwe b motlamedi wa tlhokomelo ya boitekanelo gongwe modiri wa boitekanelo yo o amanang le setheo sa boitekanelo a na le seabe mo dikgwebong tse di rileng tse di rebotsweng gongwe ditirelo tsa boitekanelo ka ntlha ya dithotloetso tse di sa nnang sentle.
Kitsiso ya go se ikobele seemo e tshwanetse go rebolelwa motho yo o tsewang a rwele maikarabelo a seemo sengwe le sengwe se se kabakanngwang mo karolwaneng ya 3a gongwe b, e tlhalosa mofuta le seelo sa go se ikobele seemo mme e kaela ka dikgato tse di maleba tsa paakanyo tse di tshwanetseng go tsewa mo pakeng e e tlhalositsweng malebana le kgwebo e e rebotsweng gongwe tirelo ya boitekanelo gongwe go fokotsa gongwe go siamisa go se ikobele seemo.
Kitsiso ya go se ikobele seemo e e kabakanngwang mo karolwaneng ya 3 e sala e ntse e dira go fitlha ga tlamelo e e maleba ya Molao e sena go ikobelwa mme Kantoro ya Go ikobelwa ga Seemo e rebotse setifikeiti malebana le kitsiso eo.
b atlenegisa go Mokaedi Kakaretso gore setifikeiti sa tlhokego sa setheo sa boitekanelo gongwe bothusi jwa boitekanelo se gogelwe morago; gongwe c atlenegisa go Mokaedi Kakaretso gore kopo ya ntšhwafatso ya setifikeiti sa tlhokego sa setheo sa boitekanelo gongwe bothusi jwa boitekanelo e ganwe.
b Mokhuduthamaga yo o maleba a ka thapa motho mongwe le mongwe fela yo o dirang mo lefapheng la porofense e e kaiwang, jaaka motlhankedi wa boitekanelo wa porofense eo; mme c Ratoropo wa motsesetoropomogolo gongwe khansele ya kgaolo a ka thapa motho mongwe le mongwe fela yo o dirang mo khanseleng e e kaiwang jaaka motlhankedi wa boitekanelo wa lekgotlatoropo leo.
Go thapiwa ka fa tlase ga karolwana ya 1 go ka nna ga kakaretso gongwe ga lebaka le le rileng.
Mokhuduthamaga yo o maleba a ka kopa Mokhomišinara wa Bosetšhaba wa Ditirelo tsa Sepodisi tsa Aforika Borwa go supa tokololo ya Tirelo jaaka motlhankedi wa boitekanelo wa porofense e e kaiwang.
Tona gongwe Mokhuduthamaga yo o maleba, fela jaaka go tla bo go le maleba, o tshwanetse go rebolela motlhankedi mongwe le mongwe wa boitekanelo lekwalo le le mo sebopegong se se rebotsweng, le le netefatsang gore o thapilwe gongwe o supilwe jaaka motlhankedi wa boitekanelo wa lefapha la bosetšhaba gongwe lefapha la porofense e e kaiwang.
Motlhankedi wa boitekanelo o tshwanetse go tlhokomela le go dira gore go ikobelwe Molao ono.
c a dira gore motho yo o rweleng maikarabelo a moago oo, a tlhagise, gore di tlhatlhobiwe gongwe go dirisediwa mabaka a go dira dikhophi gongwe dikgogo go tswa mo makwalong mangwe le mangwe a motho yoo a tlhokang go di tlhokomela go ya ka molao mongwe fela; mme d a tsaya disampole tsa sere sengwe le sengwe se se maleba mo tlhatlhobong.
Motlhankedi wa boitekanelo a ka patiwa ke moranoledi le motho mongwe fela yo o tlhokegang go mo thusa go dira tlhatlhobo.
Motlhankedi wa boitekanelo a ka rebola kitsiso ya go ikobela seemo go motho yo o rweleng maikarabelo a moago fa ditlamelo tsa Molao ono di sa ikobelwa.
Kitsiso ya go ikobela seemo e tla tswelela go dira go fitlhelela ga ditlamelo tse di maleba tsa Molao di setse di ikobetswe mme motlhankedi wa boitekanelo a rebotse ssetifikeiti sa go ikobelwa ga seemo malebana le kitsiso eo.
a go rebola rasiti ya sona go motho yo o rweleng maikarabelo a moago; mme b go lebeletswe Molao wa Thulaganyo ya Bosenyi wa ngwaga wa 1977 Molao wa bo51 wa ngwaga wa 1977, a se busetse ka bonako jo bo kgonagalang morago ga go fitlhelela maikemisetso a go bo se tlositswe.
motlhankedi wa boitekanelo o tshwanetse go batlisisa seemo seo.
Fa patlisiso e senola gore go na le seemo se se kabakanngwang mo karolwaneng ya 1, motlhankedi wa boitekanelo o tshwanetse go leka go supa motho yo o rweleng maikarabelo a seemo seo.
Motlhankedi wa boitekanelo o tshwanetse go rebola kitsiso ya go ikobelwa ga seemo go motho yo o supilweng a rwele maikarabelo a seemo sengwe le sengwe fela se se kabakanngwang mo karolwaneng ya 1 gore a tseye dikgato tse di maleba tsa paakanyo gore a tle a fokotse, a tlose gongwe a baakanye seemo seo.
Motho mongwe le mongwe yo o sitelwang ke tshwetso gongwe taelo go ya ka karolwana ya 2 gongwe ya 3, mo sebakeng sa malatsi a le 14 morago ga letlha le a itsitseng ka tshwetso gongwe taelo, a ka tsenya boikuelo go tlhogo ya lefapha le le maleba la porofense.
b a tsaya lekwalo lengwe le lengwe fela, rekoto, selo gongwe sere fa a na le lebaka la go belaela gore di ka dirisiwa jaaka bosupi mo tshekong ya bosenyi; le c go tlhatlhoba tiro nngwe le nngwe fela gongwe thulaganyo e e dirisiwang mo moagong.
a go rebola rasiti ya sona go mong gongwe motho yo o laolang moago; mme b ntle le fa e le ntlha e e ilediwang go ya ka Molao ono, a se busetse ka bonako jo bo kgonagalang morago ga go fitlhelela se se neng se se tseetswe.
b go tlhagisa tshedimosetso e a nang nayo malebana le morero o o batlisisiwang; le c go tlamela ka thuso ka moo go kgonegang ka teng go ya fela jaaka motlhankedi wa boitekanelo a ka e tlhoka go tsweletsa tiro ya gagwe go ya ka Molao ono ka tolamo.
Pele ga go botsolotsa motho mongwe le mongwe fela kwa moagong o o kailweng, motlhankedi wa boitekanelo gongwe motlhankedi wa sepodisi, o tshwanetse go gakolola motho yoo ka tshwanelo ya gagwe ya go thusiwa ka nako ke mmueledi gongwe ramolao, le go letla motho yoo go dirisa tshwanelo eo.
a malebana le moago e go nang le mabaka a go dumela gore go tlotswe Molao ono gongwe go tsweletswe go tlola Molao ono kwa go ona; le b fa go lebega, go ya ka tshedimosetso e e mo maikanong gore go na le mabaka a a utlwalang go ka dumela gore go na le bosupi jwa go tlola Molao ono kwa moagong oo.
Lekwalotetlo le ka lekanyetsa dithata tsa motlhankedi wa boitekanelo.
go khutla ga kgwedi e le nngwe go tloga ka letsatsi le le rebotsweng ka lona; gongwe iv. maikemisetso a go rebolwa ga lekwalotetlo a khutlile, go ya fela ka gore go tla diragala eng pele; mme b le tshwanetse go diragadiwa motshegare ntle le fa fela motho yo o rebolang lekwalotetlo a dumelela gore le diragadiwa bosigo.
Ga gona motho ope yo o nang le tshiamelo ya go duelelwa ditshenyegelo dipe fela tse di bakilweng ke tiro ya motlhankedi wa sepodisi gongwe motlhankedi wa boitekanelo ka fa tlase ga karolo eno.
a a tlhalose ka lentswe le le utlwalang gore o na le tumelelo ya go tsena mo moagong mme a lope go amogelwa mo moagong; mme b a itsese motho yo o laolang moago maikemisetso a go tsena, ntle le fa fela go na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore tlhaloso gongwe kitsiso eo e ka nyeletsa maikemisetso a phuruphutso.
a naya motho yo o laolang moago, khophi ya lekwalotetlo, gongwe fa motho yoo a seo, a naparetse khophi eo mo lefelong le le bonalang mo moagong; mme b ka kopo ya motho yo o rweleng maikarabelo a moago oo, a bontshe setifikeiti sa gagwe sa go thapiwa jaaka motlhankedi wa boitekanelo.
Motlhankedi wa boitekanelo gongwe motlhankedi wa sepodisi yo o kabakanngwang mo karolwaneng ya 1 a ka samagana le kganetso ya go tsena le go phuruphutsa ka go dirisa maatla go ya fela jaaka go tla bo go tlhokega mme go dumelega, go akaretsa go thuba lebati gongwe letlhabaphefo la moago.
Pele ga go dirisa maatla, motlhankedi wa boitekanelo gognwe motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go lopa ka lentswe le le utlwalang gore a letlwe go tsena mme o tshwanetse go tlhalosa maikemisetso a go tsena, ntle le fa fela go na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore go dira jalo go ka nyeletsa maikemisetso a phuruphutso.
a motho yo o nang le bokgoni jwa go dira jalo a dumela go dira seo; gongwe b go na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore go tla ntshiwa lekwalotetlo go ya ka karolo ya 845 le gore tiego ya go bona lekwalotetlo e tla nyeletsa maikemisetso a lekwalotetlo.
Motlhankedi wa boitekanelo o tshwanetse go isa sengwe le sengwe se se gapilweng go ya ka karolo ya 84 gongwe 86 ntle le tshenyo ya nako, kwa motlhankeding wa sepodisi yo o kabakanngwang mo karolong ya 30 ya Molao wa Thulaganyo ya Bosenyi wa ngwaga wa 1977 (Molao wa bo51 wa ngwaga wa 1977), yo a tshwanetseng go bona le go tlosa dilo tse di thopilweng ka tsela e e diretsweng tlamelo mo Kgaolong ya 2 ya Molao oo.
Fa motlhankedi wa sepodisi a dira go ya ka karolo ya 30a gongwe b ya Molao wa Thulaganyo ya Bosenyi wa ngwaga wa 1977 Molao wa bo51 wa ngwaga wa 1977, malebana le ntlha e e kabakanngwang mo karolwaneng ya 1, o tshwanetse go dira jalo morago ga go batla maikutlo a motlhankedi wa boitekanelo.
le diragatsa tiro nngwe le nngwe e e rebolelwang mothapi ke, gongwe ka fa tlase ga Molao ono; gongwe le diragatsa maatla mangwe le mangwe a a rolelwang mothapi ke, gongwe ka fa tlase ga Molao ono.
tshenolo e laotswe ke kgotlatshekelo ya molao; gongwe tshenolo e ikobela ditlamelo tsa molao mongwe fela.
Motho mongwe le mongwe yo o tshwarelwang tlolomolao go ya ka karolwana ya 1 o tla lebagana le katlholo ya go lefa gongwe go golegwa sebaka se se sa feteng dingwaga di le tlhano gongwe katlholo ya go lefa le go golegwa goo.
ke sekema sa kalafi jaaka kaedi go swetsa ka ditshiamelo tsa sona; le ditheo tsa boitekanelo; batlamedi ba tlhokomelo ya boitekanelo gongwe badiri ba boitekanelo mo lephateng la poraefete la boitekanelo jaaka kaedi go swetsa ka dituelo tsa bona, fela di sa ba pateletse; le w ka kakaretso, morero mongwe le mongwe fela o go leng botlhokwa gongwe go le mosola gore o rebolwe gore go kgonege go dirisa le go tsamaisa Molao ono.
Tona, go lebeletswe Molao wa Taolo ya Melemo le Dire tse di Amanang natso wa ngwaga wa 1965 Molao wa bo101 wa ngwaga wa 1965, le morago ga go batla maikutlo a Khansele ya Bosetšhaba Maitsholo ya Patlisiso ya Boitekanelo, a ka dira melawana e e malebana le patlisiso go dirisiwa batho.
a. tlhomamisa jaaka ntlha ya semmuso, mokgwa, thulaganyo, tiro gongwe seemo sengwe le sengwe se se lemogwang jaaka sa semmuso ke maphata a itsegeng boditšhabatšhaba a boiteknaleo mo diporofešeneng tse di maleba; mme b. tlhoka gore motho mongwe le mongwe gongwe lephata le ikobele mokgwa, thulaganyo, tiro gongwe seemo se se tlhomamisitsweng.
a Ton o tshwanetse go phasalatsa melawana yotlhe e go tshitsintsweng gore e dirwe ka fa tlase ga Molao ono, mo Kaseteng, gore go dirwe ditshwaelo, bonnye dikgwedi di le tharo pele fa letlha le le kabakanngwang gore e simolole go dira.
b Fa Tona a fetola melawanatlhomo ka ntlha ya tshwaelo nngwe fela, ga a tlhoke go phasalatsa diphetogo tseo pele ga a ka dira melawana.
c Fa seemo se tlhoka gore molawana o phasaladiwe ka gangwe fela, Tona a ka phasalatsa molawana ntle le patlo maikutlo e e kabakanngwang mo temeng ya a.
Tona, morago ga go batla maikutlo a Khansele ya Bosetšhaba ya Boitekanelo, a ka tlhama dikomiti tsa bogakolodi le tsa setegeniki tsa palo e e ka tlhokegang go fitlhelela maikemisetso a Molao ono.
b ka go batla maikutlo a Tona ya Ditšhelete, dipeelo, seemo, tuelo le ditetlo tse di tla dirisediwang ditokololo tsa yona; le c merero mengwe le mengwe fela e e malebana le komiti eo ya bogakolodi gongwe ya setegeniki.
c Mokaedi Kakaretso a ka rebolela tiro nngwe le nngwe gongwe a rolela thata nngwe le nngwe e a e neetsweng ke Molao ono go motlhankedi mongwe le mongwe fela mo lefapheng la bosetšhaba; mme d Tlhogo ya lefapha la porofense e ka rebolela tiro nngwe le nngwe gongwe ya rolela thata nngwe le nngwe e a e neetsweng ke Molao ono go motlhankedi mongwe le mongwe fela wa lefapha leo la porofense.
Go lebeletswe karolo eno, ka go riana, melao e e kailweng mo kholomong ya bobedi ya Sejule e a phimolwa go ya jaaka go beilwe mo kholomong ya boraro ya Sejule.
Sengwe le sengwe se se dirilweng pele ga go simolola go dira ga Molao ono ka fa tlase ga tlamelo ya molao o o phimotsweng ke karolwana ya 1 le se se ka bong se dirilwe ka fa tlase ga tlamelo ya Molao ono, se tshwanetse go tsewa se dirilwe ka fa tlase ga tlamelo e e tsamaelanang ya Molao ono.
Tona a ka rebola dithulaganyo tse dingwe tsa kgabaganyo jaaka go tla bo go tlhokega go kgontsha kgabaganyo e e bobebe magareng ga melao e e kaiwang mo Sejuleng le Molao ono.
Molao ono o bidiwa Molao wa Bosetšhaba wa Boitekanelo wa ngwaga wa 2003, mme o simolola go dira mo letlheng le le tlhomamisitsweng ke Moporesidente ka kgoeletso mo Kaseteng.
Molaotlhomo o ikaelela go tlhama letlhomeso la molao le melawana ya tlamelo ya ditirelo tsa boitekanelo go ralala Aforika Borwa. Gore go dirwe ditirelo tsa boitekanelo ka bokgoni, Molaotlhomo o ikaelela go dira gore tlamelo ya ditirelo tsa boitekanelo e nne e e tshwanang go ralala setšhaba ka go tlhama ditekanyetso le seemo, matlhomeso le dipholesi tsa bosetšhaba.
Kgaolo ya 1 e na le ditlamelo tse di malebana le maikemisetso a Molaotlhomo, maikarabelo a boitekanelo le ditshiamelo tsa ditirelo tsa boitekanelo tsa mahala. E na le tiriso le thanolo ya Molaotlhomo. Maikaelelo ke gore Molaotlhomo o tshwanetse go dirisiwa bosetšhaba le go nna ona molao o o okamang melao e mengwe ya boitekanelo go ya ka karolo ya 146 ya Molaotheo fa go na le kganetsano magareng ga Molaotlhomo ono le melao e mengwe ya boitekanelo. Maikemisetso a botlhokwa a Molaotlhomo ono ke go kgotsofatsa maikarabelo a molaotheo a Puso malebana le ditshwanelo tse di malebana le ditirelo tsa tlhokomelo ya boitekanelo le go tlhama thulaganyo ya bosetšhaba ya boitekanelo e e akaretsang batlamedi ba poraefete le basetšhaba ba ditirelo tsa boitekanelo le o o tlamelang setšhaba sa Rephaboliki ka ditirelo tse di botoka go gaisa tse di ka kgonegang ka ditlamelo tse di gona. Kgaolo e ikaelela go tlhalosa maikarabelo a Tona ya Boitekanelo (Tona) fa a bapisiwa le a mafapha a bosetšhaba le a diporofense gammogo le makgotlatoropo. E ikaelela gape go naya Tona dithata tsa go dira melawana gore go kgonege go tlamela ka ditirelo tsa boitekanelo tsa mahala go dikarolo tse di rileng tsa batho.
Kgaolo 2 e na le ditlamelo tse di malebana le ditshwanelo le maikarabelo a batlamedi ba tlhokomelo ya boitekanelo le badirisi ba ditirelo tsa boitekanelo. Go lemogwa ditshwanelo tsa badirisi tsa tshedimosetso e e ka ga ditirelo tsa boitekanelo, kalafi ya tshoganyetso gammogo le go nna le seabe mo ditshwetsong tse di amang boitekanelo le kalafi ya bona, gammogo le ditshwanelo tsa badirisi go fiwa tshedimosetso mabapi le boitekanelo jwa gagwe le kalafi. Go na le tlamelo ya go rebolwa ga dipegelo tsa kgololo ke ditheo tsa boitekanelo le ditlhokego tsa tumelelo ka kitso. Go na le tlamelo ya taolo ya kalafi mo mabakeng a tekeletso gongwe patlisiso le go tsholwa ga direkoto ke ditheo tsa boitekanelo. Kgaolo eno gape e na le tlamelo ya go tlhagisiwa ga dingongorego ke badirisi le batho ba bangwe fela malebana le ditheo tsa boitekanelo le maikarabelo a badirisi malebana le boitekanelo jwa bona, tiriso ya ditheo tsa boitekanelo gammogo le go dirisana ga bona le batlamedi ba tlhokomelo ya boitekanelo.
Kgaolo 3 e na le ditlamelo tse di malebana le lefapha la bosetšhaba la boitekanelo. E dira tlamelo ya go tlhamiwa ga Khansele ya Bosetšhaba e mo go yona Tona le Bakhuduthamaga ba ba rweleng maikarabelo a boitekanelo ba tla nnang mmogo le mokhanselara wa lekgotlatoropo yo o emetseng pusoselegae e e rulaganeng, tlhogo ya Tirelo ya Boitekanelo ya Sesole sa Aforika Borwa le batlhankedi ba ba farologaneng ba mafapha a bosetšhaba le a porofense a boitekanelo. Mo kgaolong eno, go na le lenaane la ditiro le dithata tsa Khansele ya Bosetšhaba ya Boitekanelo e e tshwanetse go tlamela Tona ka dikgakololo. Kgaolo gape e rebola gore Mokaedi Kakaretso wa lefapha la bosetšhaba la boitekanelo (Mokaedi Kakaretso) a rulaganye maano a bosetšhaba a boitekanelo. Go na gape le tlamelo ya go tlhamiwa ga Foramo ya Bosetšhaba ya Patlo Maikutlo ya Boitekanelo e le tsela e ka yona banni le seabe ba ba farologaneng mo lephateng la boitekanelo, ba ka buisanang kwa legatong la bosetšhaba.
Kgaolo 4 e na le ditlamelo tse di malebala le mafapha a porofense a boitekanelo. Kgaolo e rwesa mafapha a porofense a boitekanelo maikarabelo a go dira go ya ka pholesi ya bosetšhaba ya boitekanelo mo mabakeng a a rileng. Go na le tlamelo ya go tlhamiwa le botokololo jwa dikhansele tsa porofense tsa boitekanelo tse ditiro tsa tsona mo porofenseng di tshwanang le tsa Khansele ya Bosetšhaba ya Boitekanelo kwa legatong la bosetšhaba. Kgaolo e rebola go rulaganngwa ga maano a porofense a boitekanelo, a a tshwanetseng go tlhagisiwa go Mokaedi Kakaretso. Go dirilwe gape tlamelo ya gore Bakhuduthamaga ba tlhame maphata a porofense a patlomaikutlo gore go amoganwe megopolo le go buisana ka dintlha tsa boitekanelo jwa porofense magareng ga banni le seabe ba ba farologaneng.
Kgaolo 5 e tlhama thulaganyo ya kgaolo ya boitekanelo ya Rephaboliki e e ikaegileng ka dintlhatheo dingwe tsa botlhokwa. E dira gape tlamelo ya go kgaoganngwa ga dikgaolo tsa boitekanelo ka melelwane go etswe tlhoko melelwane ya makgotlatoropo le tsamaiso le taolo ya boitekanelo. E dira ka tlamelo ya ditirelo tsa boitekanelo ke makgotlatoropo mme e laela gore go rulaganngwe maano a kgaolo a boitekanelo. Go na gape le tlamelo ya dithulaganyo dingwe tsa kgabaganyo malebana le ditirelo tsa makgotlatoropo tsa boitekanelo.
Kgaolo 6 e na le ditlamelo tse di malebana le ditheo tsa boitekanelo. E laola karoganyo, go tlhomiwa le go dira ga ditheo tsa boitekanelo mme e na gape le ditlamelo tse di malebana le ditifikeiti tsa tlhokego. Go ya ka Kgaolo eno, ga gona ope yo o ka tlhamang, agang, baakanyang gongwe a bona setheo sa boitekanelo gongwe bothusi jwa boitekanelo ntle le setifikeiti sa tlhokego. Go dirwa tlamelo ya tiragatso, kiletso le dithulaganyo tsa paakanyo malebana le go ikobelwa ga seemo sa setifikeiti sa tlhokego le seemo sengwe fela sa tlamelo ya ditirelo tsa boitekanelo kwa ditheong tsa setšhaba tsa boitekanelo, mme e naya Tona dithata tsa go tswetsa ka seemo seo. Go tlamelwa ka ditirelo tsa boitekanelo kwa ditheong tse e seng tsa boitekanelo di tshwana le dikolo le mafelo a mangwe a setšhaba, le gona go akareditswe mo Kgaolong eno. Tona o newa dithata go rebola seemo se se malebana le ditiro tsa setso tsa boitekanelo le ditiro tsa dikolo tsa setso tsa thupiso. Go na le ditlamelo tse di laolang botsalano magareng ga ditheo tsa setšhaba tsa boitekanelo le magareng ga ditheo tsa setšhaba le tsa poraefete tsa boitekanelo mo Kgaolong eno. Ditheo tsa Poraefete tsa Boitekanelo di patelesega go tsaya inšorense ya go golola badirisi mo ditshenyegelong dingwe le dingwe.
Kgaolo 7 e na le ditlamelo tse di malebana le togamaano ya badiri le ditikwatikwe tsa borutegi tsa boitekanelo. Go na le maikarabelo a a farologaneng a a rwesiwang Khansele ya Bosetšhaba ya Boitekanelo malebana le togamaano ya badiri mme go na le tlamelo ya go swetsa ka kaedi ya phasalatso e e maleba ya batlamedi ba tlhokomelo ya boitekanelo mo diporofenseng. Foramo ya Dikhansele tsa Semolao tsa Baporofešenale ba Boitekanelo e tlhamiwa go samagana le dintlha tse di ralalang dikhansele tse di farologaneng tsa semolao tsa baporofešenale ba boitekanelo. Tona o newa dithata tsa go tlhoma ditikwatikwe tsa borutegi tsa boitekanelo a batlile maikutlo a Tona ya Thuto.
Kgaolo 8 e na le ditlamelo tse di malebana le taolo ya tiriso ya thišu, madi, ditlhagiswa tsa madi le dikamete mo bathong. Go tlhamilwe setheo se le sengwe sa bosetšhaba sa tirelo ya tshelo ya madi. Tona a ka rebola ditheo dingwe tse di dumeletsweng go tsweletsa mabaka a a farologaneng, go akarediwa tiriso le tlamelo ka mebele ya batho ba ba tlhokafetseng, thišu le ditlhagiswa tsa madi mme a ka rebola seemo se se rileng malebana go tlosiwa le tiriso ya dithišu, madi gongwe dikamete tsa batho ba ba tshelang. Kgaolo e na le dikiletso mabapi le go fetolwa ga dikamete le disaekoute le go dirwa ga motho wa maitirelo ka go dirisa disele tsa yo o tshelang. E tlhagisa gape melawana ya patlisiso ya disele tsa tshimologo mme e dira tlamelo ya ditlolomolao tse di rileng. Go tlhagisiwa ditlhokego tse di malebana le jalelelo ya dithišu mme go laolwa go tlosiwa gongwe go dirisiwa ga dithišu le madi gongwe ditlhagiswa tsa madi le go tsenngwa ga madi gongwe ditlhagiswa tsa madi. Ntlha e e ka ga tuelo malebana le go romelwa teng, go bonwa gongwe go tlamela ka dithišu, madi, ditlhagiswa tsa madi gongwe dikamete e amiwa mo kgaolong eno. Go na le tlamelo ya taolo ya kabo le tiriso ya dirwe tsa batho ba ba tshelang le ba ba tlhokafetseng le go tlosiwa le go abeiwa ga dithišu, madi, ditlhagiswa tsa madi le dikamete go batho ba ba farologaneng gongwe ditheo. Tsela e mebele e e abilweng, dithišu, madi, ditlhagiswa tsa madi gongwe dikamete di ka dirisiwang e a laolwa mme fela jalo le tlhatlhobo ya morago ga loso mo mebeleng le go tlosiwa ga thišu kwa ditlhatlhobong tsa morago ga loso.
Kgaolo 9 e na le ditlamelo tse di malebana le tshekatsheko ya boitekanelo, patlisiso le tshedimosetso. Tona o tshwanetse go tlhama Komiti ya Bosetšhaba ya Patlisiso ya Boitekanelo morago ga go batla maikutlo a Khansele ya Bosetšhaba ya Boitekanelo. Tiro ya Komiti le tse di tshwanetseng go elwa tlhoko ke Komiti fa e swetsa ka ditlapele tsa patlisiso ya boitekanelo di tlhagisitswe ka botlalo. Tsela e go tshwanetseng ga dirwa patlisiso gongwe tekeletso go dirisiwa batho e akareditswe mo Kgaolong eno. Kgaolo e ikaelela go tlhama Khansele ya Bosetšhaba ya Maitsholo ya Patlisiso ya Boitekanelo le go dira tlamelo ya go tlhamiwa el go kwadisiwa ga dikomiti tsa maitsholo tsa patlisiso ya boitekanelo. Go dirwa tlamelo ya kgokaganyo ya thulaganyo ya bosetšhaba ya tshedimosetso ya boitekanelo mme maikarabelo a a rileng a porofense le makgotlatoropo malebana le thulaganyo ya bosetšhaba a tlhalositswe.
Kgaolo 10 e na le ditlamelo tse di malebana le batlhankedi ba boitekanelo le go ikobelwa ga seemo. Go tlhamiwa botlhatlhobi jwa ditheo tsa boitekanelo mme go dirwa tlamelo ya go tlhamiwa ga Kantoro ya go Ikobelwa ga Seemo ke Mokaedi Kakaretso. Tona le Bakhuduthamaga ba newa dithata tsa go thapa batlhankedi ba boitekanelo. Go tlhalositswe thulaganyo ya tlhatlhobo ya ka gale e e tla dirisiwang ke batlhankedi ba boitekanelo mme go diriwle tlamelo ya ditlhatlhobo tsa boitekanelo jwa tikologo. Batlhankedi ba boitekanelo gape ba newa dithata tsa go tsena le go phuruphutsa meago ba na le, mme mo mabakeng mangwe a a rileng, ba sena makwalotetlo. Go dirilwe tlamelo ya gore batlhankedi ba boitekanelo ba rebole dikitsiso tsa go ikobelwa ga seemo.
Kgaolo 11 e naya Tona dithata tsa go dira melawana ya dintlha tse di farologaneng tse di malebana le merero ya boitekanelo. Tona o patelesega go phasalatsa melawana e e tshitsinngwang mo Kaseteng gore go tshwaelwe.
Kgaolo 12 e naya Tona dithata ta go thapa dikomiti tsa bogakolodi le tsa setegeniki gore a kgone go fitlhelela maikemisetso a Molao. E dira tlamelo ya go rebolwa ga ditiro dingwe le go rolelwa ga dithata dingwe ke Tona, Bakhuduthamaga, Mokaedi Kakaretso le ditlhogo tsa mafapha a porofense a boitekanelo. E dira gape tlamelo ya go phimolwa ga melao mengwe mme e na le dithulaganyo tsa kgabaganyo go kgontsha kgabaganyo e e bobebe magareng ga molao wa ga jaana le go emelwa ga ona ke Molao.
Molaotlhomo o tshitsinya go tlhamiwa ga dikomiti le dikantoro tse di farologaneng. Maphata ano a tlhamiwa kwa magatong a bosetšhaba, porofense le kgaolo gongwe pusoselegae. Mo mabakeng a le mantsi, go ya ka Molaotlhomo, ga go kitla go thapiwa badiri ba bantšhwa; thulaganyo e tla rulaganngwa sešwa fela go amogela ditlhokego tsa Molaotheo jaaka di kailwe mo Molaotlhomong. Go ka tlhokega gore badiri bangwe ba sutisiwe, go fa sekai, go tswa kwa pusong ya porofense go ya kwa puso selegaeng gore go rulaganngwe sešwa mme Lefapha la bosetšhaba la Boitekanelo le tla tshwanela go tlhama diyuniti dingwe tse dintšhwa le go tiisa tse di ntseng di le gona.
Go na le bokao jwa ditšhelete ka ntlha ya fa Molaotlhomo o tlhama maphata a a ntseng a se gona. Mo mabakeng magnwe, maphata a a tlhamiwang ke Molaotlhomo, a ntse a le gona fela a bidiwa ka maina a mangwe. Molaotlhomo o dira tlamelo ya kgonagalo ya go tlamelwa ga ditirelo tse di rileng tsa boitekanelo mahala kwa ditikwatikweng tsa puso tsa boitekanelo. Tona o tla tswetsa ka seemo se se malebana le go tlamelwa ga ditirelo tseo. Bokao jwa ditšhelete bo tla laolwa ke ditlhokego tse moamogedi mongwe le mongwe wa tirelo a tshwanetseng go di fitlhelela pele fa go amogela tirelo eo. Molaotlhomo gape o dira tlamelo ya gore ditheo tsa boitekanelo di tshole letseno le gore go duedisiwe tuelo ya balwetse e e tshwanang mo mabakeng mangwe gore go tilwe go tlhoka tekatekano mo phitlhelelong go ralala diporofense.
Melao ya porofense ya boitekanelo e tla tshwanela go sekasekwa gape gore e tsamaelane le ditlamelo tsa Molaotlhomo ka ntlha ya fa Molaotlhomo o okama molao oo go ya ka Molaotheo. Gape diporofense di tshwanetse go tsaya dikgato dingwe go ya ka Molaotlhomo jaaka go kailwe mo temeng ya 1 fa godimo.
Molaotlhomo o phasaladitswe gore setšhaba se dire ditshwaelo sebaka sa dikgwedi di le tharo go tloga kwa tshimologong ya Ngwanaatsele wa ngwaga wa 2001. Lefapha la bosetšhaba la Boitekanelo le batlile maikutlo a mafapha a mangwe a bosetšhaba, a Bakhuduthamaga botlhe, a ditlhogo tsotlhe tsa mafapha a porofense a boitekanelo le a maphata mangwe a porofešenale le mekgatlho mengwe e e seng ya puso. Ditlhopha tse dintsi tse di nang le kgatlhego le banni-le-seabe ba tlhagisitswe ditshwanelo mo pakeng e Molaotlhomo o neng o phasaladitswe gore go tlhagisiwe ditshwaelo mme ditshwaelo tseno di etswe tlhoko ke Lefapha la bosetšhaba la Boitekanelo.
Bagokolodi ba Molao ba Mmuso le Lefapha la Boitekanelo ba gopola gore Molaotlhomo ono o tshwanetse go dirisiwa go ya ka thulaganyo ya Palamente e e tlhamilweng ke kgaolo ya 76 gongwe ya Molaotheo, ka ntlha ya fa e wela mo dintlheng tse pedi tse di tlhagisitsweng mo Sejuleng ya bo4 ya Molaotheo, e leng "ditirelo tsa Boitekanelo" le "ditirelo tsa boitekanelo tsa Makgotlatoropo".
<fn>tsn_Article_National Language Services_MOLAOTLHOMO WA KILETSO YA DIBOMO TSE DI RIPITLANG BATHO (2002).txt</fn>
jaaka o tlhagisitswe ke Kopano ya Bosetšhaba jaaka karolo 75; tshobokanyo e e tlhalosang ya Molaotlhomo e e phasaladitsweng mo Kaseteng ya Mmuso No.
go tlamelela tshenngong ya dibomo tse di ripitlang batho; go tlamelela tshekatsheko ya selegae le ya boditšhabatšhaba; go tlamelela tirisanommogo ya boditšhabatšhaba; le go tlamelela merero e e amanang natso.
LE MORORO dibomo tse di ripitlang batho di tlhama pogisego ya kgaolo e e kotsi e e bolayang le go golafatsa batho ba ba se nang molato batho ba ba se nang go iphemela ka nako ya le morago ga dithulano tsa dintwa le go thibela tsweletso ya loago ikonomi le kagolešwa.
LE MORORO Rephaboliki e ineetse mo tiragatsang ya molao wa botho jwa boditšhabatšhaba le molao wa boditšhaba mo thulanong ya dibetsa.
KA GO RIALO GO LAOLETSWE ke Palamente ya Rephaboliki ya AforikaBorwa, jaaka go latela:...
Maikaelelo a go bona nnete a boditšhabatšhaba mo Rephaboliking.
Setefekeiti jaaka motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba.
Maemo a a beilweng mo motlhatlhobing wa boditšhabatšhaba.
Ditshireletso le ditshwanelo tsa ngotlego tsa batlhatlhobi ba boditšhabatšhaba.
Tumelelo go tsaya karolo mo maikaelelong a go bona dintlha ka boditšhabatšhaba ka kwa ntle ga Rephaboliki.
Ditlolomolao le dikotlhao malebana le tlamelo ya tshedimosetso.
Lwetse 1997, e e tlhagisitsweng mo Tlhabololong mme e saennwe ke Rephaboliki ka di 3 Sedimonthole 1997 le go siamisiwa ke Rephaboliki ka di 26 Seetebosigo batlhankedi ba makgetho' ba kaya motlhankedi jaaka a tlhalosiwa mo karolong ya Molao wa Makgetho le Lekgetho la dithoto, 1964 Molao No.
(Molao No. 44 wa 1957), le mothapiwa wa Lefapha la Tshireletso yo o thapilweng go ya ka Molao wa Tirelo ya Bosetšhaba, 1994 Kgoeletso No.
a leloko la Tirelo ya Sepodisa sa Aforika Borwa jaaka se tlhalosiwa mo karolong 1 ya Molao wa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa, 1995 Molao No.
Tirelo ya Sepodisi ya Aforika Borwa.
b go rekisa, go hira, go hirisa, go adimana, go adima, go aba, go neela, go rekisa, go amogela kana go kgaogana le, kana go bona go nna le dibomo tse di ripitlang batho, karolwana ya karolo kana leano; le c 'phetiso' ya dibomo tse di ripitlang batho, karolwana ya karolo kana leano go ya teng, le kwa ntle kana go ralala naga ya Rephaboliki ka mokgwa mongwe le mongwe mme sa ame phetiso ya lefatshe le le tshotseng dibomo tse di ripitlang batho tse di beilweng.
d go tlamela ditlhatlhobo tsa selegae le tsa boditšhabatšhaba; le e go tlamelela tirisanommogo ya boditšhabatšhaba.
Go ya ka Molao, Tumalano e na le dithata tsa molao mo Rephaboliking.
Tona a ka nna a re nako le nako ka kitsiso mo Kasateng a tlhabolola Tlhabololo go bontsha diphetogo dife kana dife tse di diretsweng kwa Tumalanong fa diphetogo tseo di tlama mo Rephaboliking go ya ka karolo 231 ya Molaotheo.
Kgalemo ya Sesole, 1999 Molao No.
Aforika Borwa, 1995 Molao No.
Kgalemo ya Sesole, 1999 Molao No.
mo tlolomolaong efe kana efe go ya ka Molao o, go sa tlogelwe lebaka la gore kgato kana tlogelo e ponomolato e amanang nayo e ne ya dirwa ka kwa ntle ga Rephaboliki.
Go sa tlogelwa molao ofe kana ofe o o ganetsang, kgotlatshekelo ya magiseterata ofe kana ofe e na le taolo go fetisa kotlhao efe kana efe e e tlamelelwang go ya ka dikaelo tsa Molao o.
Motho mongwe le mongwe wa tlholego yo o tlolang tshiamelo ya karolo 5 o molato wa tlolomolao mme o tshwanelwa ke ponomolato go ya tuedisong kana go ya kgolegelong ya lobaka lo lo sa feleng dingwaga tse 25 kana go tse pedi tuediso le kgolegelo e e jalo.
Motho mongwe le mongwe yo o laolang yo o tlolang tshiamelo ya karolo 5 o molato wa tlolomolao mme o tshwanelwa ke ponomolato ya go ya tuedisong e e sa feteng R1 milione.
Kgotlhatshekelo efe kana efe e e bonang motho ofe kana ofe tlolomolato ka fa tlase ga Molao e ka re, mo tlaleletsong kwa kotlhaong efe kana efe e nngwe e e neetsweng malebana le sa tlolomolao eo go supa sebetsa sefe kana sefe , koloi, yunifomo, sedirisiwa kana thoto e nngwe kana selo malebana le se tlolomolao e neng e se diretswe kana se e neng e se diriseditswe, kana malebana le khomišene ya tlolomolao, go latlhegelwa kwa Nageng.
Tona a ka nna a i rebola sethwe sefe kana sefe sa naga kana mothapiwa ofe kana ofe wa sethwe se se jalo, moemedi ofe kana ofe kana motho yo mongwe go tswa kiletsong e e boletsweng mo karolong 5; le ii o dumelela sethwe se se jalo, mothapiwa, moemedi kana motho go nna le dibomo tse di ripitlang batho karolwana ya leano, ka mabaka a go tsweletsa le go dira katiso mo temogong ya dibomo, kgololong ya dibomo kana dithekeniki tsa tshenyo ya dibomo kana ya tshenyo ya tsona.
b Thebolo efe kana efe e e tshisintsweng mo temaneng a e tshwanetse go kwalwa mme e tshwanetse go neela palo ya dibomo tse di ripitlang batho tse go ka nniwang le tsona ka fa tlase ga tumalano e e fa isong.
a Palo gotlhe ya dibomo tse di ka rebolwang go nniwa le tsona ke sethwe sa naga go ya ka karolotlaleletso e ntse e ka se fete 5000.
b Fa Tona a dumelela go nna le dibomo tse di ripitlang batho ka moemedi kana motho ofe kana ofe yo mongwe jaaka e tshisintswe kwa karolotlaleletsong , o tshwanetse go fokotsa palo ya dibomo e go ka nniwang natso mo lebakeng lengwe le lengwe go ya bogolo go palo ya dibomo tse di mosola mo lebakeng la tumalano e e fa isong.
Motho ofe kana ofe yo o nang le dibomo tse di ripitlang batho go ya ka tumalano e e tshisintsweng mo karolotlaleletsong o tshwanetse go tshwara bomo e e jalo go ya ka ditshiamelo tsa Molao wa Dibomo 1956 (Molao No. 26 wa 1956).
Go ikaegilwe ka molao ofe kana ofe o o laolang phetiso ya, dibomo tse di ripitlang batho, karolwana ya karolo kana leano le le ka nnang la tsholwa go ya ka karolo le ka fetisiwa fela go ya le go tswa Rephaboliki ka tswelelo e e kwadilweng ya Tona.
Molao wa Makgetho le lekgetho la dithoto, 1964 (Molao No. 91 wa 1964), o tshwanetse go neelana ka bomo e e jalo kwa montlhankeding wa sepodisi mo nakong e e utlwalang.
a Tona o dumelela thuo e e jalo; le b bomo e e jalo kana karolo e le lolea la matheriale wa diripitli le didirisiwa tse di kgotletseng diripitli.
a 'musiamo wa sesole' o kaya sesole , mophato kana musiamo wa bagaka, kana tshupetso kgotsa pontsho ya tlholego ya hisitori pontsho ya setšhaba kana poraefete e e atlenegisitsweng ke Lefapha la Tshireletso.
Ditlhobolo, 2000 Molao No.
le ya Molao wa Setso sa Ditheo, 1998 (Molao No. 119 wa 1998).
Fa kgatako e e jalo e tlhagelela, Tona o tshwanetse go laolela khutliso ya kamego efe e e tswelelang e e mo tiragatsong, tiro kana tiro e e leng teng kana a ka tsaya kgato e e maleba e nngwe e e jalo jaaka a ka bona go tshwanela.
Matsholo a sesole a naga e nngwe a a etetseng Rephaboliking go ya ka tlamego ya boditšhabatšhaba kana tumalano magareng ga naga le Rephaboliki le maloko a matsholo a a jalo a tlamiwa ka Molao o.
Tona ya Pabalesego le Tshireletso ka thuo e e jalo.
Rephaboliki, motho ofe yo o nang le bomo e e ripitlang batho kana karolo ya sethwe o tshwanetse go itsise motlhankedi wa sepodisi sa sesole kana motho ofe yo mongwe yo o tlhomilweng ke Tlhogo ya Matsholo a Tshireletso a Bosetšhaba a AforikaBorwa mo lebakeng le.
Motlhankedi wa sepodisi, motlhankedi wa sepodisi sa sesole kana motho yo mongwe, jaaka go ka bo go ntse, o tshwanetse go kwadisa kitsiso ka mokgwa o o tlhalositsweng ke molawana o o dirilweng ka fa tlase ga karolo 32 mme o tshwanetse go rulaganya go tsewa ga bomo kana karolo ya sethwe kwa ntle ga tiego.
Dibomo tse di ripitlang batho tsotlhe tse di tserweng go ya ka karolo e di latlhegetswe kwa Nageng.
Go ya ka karolo 7, Tona o tshwanetse go netefatsa tshenyo ya bobolokelo botlhe le dibomo tsa mafelo tse di ripitlang batho mo Rephaboliking.
Aforika Borwa, kemedi ya sethwe se sengwe sefe sa naga se se dumeletsweng go dira jalo ke bothati bo bo nonofileng bo bo tlhomilweng ke Lefapha la Tshireletso kana Tirelo ya Sepodisi ya Aforika Borwa.
Tshenyo efe ya dibomo tse di ripitlang batho e tshwanetse go dirwa go tsamaelana le tikologo efe e e dirang le boitekanelo ba tshupetsokgono ya ditiro le molao wa pabalesego.
a batlisisa le go diragatsa tsamaelano le Molao o, kana b thusa motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba yo o batlisisang go sa tsamaisaneng c ga ga twe le Tumalano.
Tona o tshwanetse go neela motlhatlhobi mongwe le mongwe wa selegae setefekeiti sa tlhomo se se bontshang motlhatlhobi wa selegae ka leina, se bontsha maemo a motlhatlhobi le bothati go tsamaisa ditlhatlhobo le go baya maemo afe a a bewang godimo ga gagwe go ya ka karolo 15.
Tona mo go direng ditiro tsa gagwe.
Matlotlo a ka laola.
Maemo a a beilweng ka fa tlase ga karolotlaleletso 1 a ka nna a tlhoka motlhatlhobi wa selegae e seng go diragatsa maatla a a totobaditsweng fa o le mo lefelong le le tlhalositsweng.
Batlhatlhobi ba selegae ba tshwanetse go tshwarelela kwa boemong jwa pabalesego jo bo tlwaelegileng le ditlwaelo malebana le dibomo tse di ripitlang batho.
Tona a ka nna a, morago ga go neela motlhatlhobi wa selegae tšhono go dira dikemedi le go sekaseka dikemedi tse di jalo, lea mabaka a a siameng go khutlisa tlhomo ya motlhatlhobi wa selegae yo o jalo.
le c go tlhatlhoba tiro nngwe le nngwe, tiragatso kana tirego e e diragalang mo lefelong.
a go neela raseti ya teng kwa go mong kana motho yo o laolang mafelo; le b kwa ntle le fa e le selo se se ileditsweng go ya ka Molao o, go e busetsa ka bonako jo bo kgonegang morago ga go fitlhelela lebaka la se e neng e se tloseditswe.
Pele go bodiwa motho ofe kana ofe pitso kwa mafelong a a rileng, motlhatlhobi wa selegae kana motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go gakolola motho yoo ka tshwanelo go thusiwa ka nako ke mmueledi, le go letlelela motho yoo go diragatsa tshwanelo ya eo.
a mo kamanong le lefelo mo kana go tswa kwa go nang le lebaka go dumela gore tlolo ya Molao o e dirilwe kana e a dirwa; le b fa go lebega go tswa tshedimosetsong mo maikanong kana tiisetso gore go na le mabaka a a utlwalang go dumela gore go na le bopaki bo bo leng teng mo kana ka mafelo a a jalo ka tlolo ya Molao o.
Thebolelo e ka nna ya baya dithibelelo mo maatleng a motlhatlhobi wa selegae.
go feta ga kgwedi e le nngwe go tloga letsatsing la thebolo; kana iv lebaka la go rebola thebolelo le fetile; sengwe le sengwe se se tlhagelelang pele; le b e tshwanetse go diragadiwa ka letsatsi kwa ntle ga fa motho yo o rebolang thebolelo a dumelela tiragatso e e jalo ka bosigo.
Ga go motho yo o lebaganweng ke tshiamelo ya tatlhegelo efe kana tshenyegelo go tswa tiragalong e e utlwalang ka motlhankedi wa sepodisi kana motlhatlhaobi wa selegae ka fa tlase ga karolo e.
Bosenyi 1977 Molao No. 51 wa 1977, le Molao wa Diripitli, 1955 Molao No.
Temogo pele ga tseno, le kgano kgatlhanong le tseno.
a a itsise go utlwale gore o dumeletswe go tsena lefelo le go batla tumelelo go ya mo lefelong ; le b go itsise motho yo o laolang lefelo lebaka la go tsena; kwa ntle le fa go na le mabaka a a utlwalang go dumela gore kgoeletso e e jalo kana kitsiso e ka fenya lebaka la go batla.
a go neela motho yo o laolang lefelo khophi ya thebolelo kana, fa motho yo o jalo a se teng, kgomaretsa khophi e e jalo kwa lefelong le le itsegeng mo lefelong; le b mo kopong ya motho yo o laolang lefelo le le jalo, a bontshe setefekeiti sa gagwe sa tlhomo kwa mothong yoo.
Motlhatlhobi wa selegae kana motlhankedi wa sepodisi yo o tshisintsweng mo karolotlaleletsong a ka nna a fenya twantsho go ya botsenong le phuruphotsong ka go dirisa maatla a a jalo jaaka go tlhokega mo go utlwalang, go tsenyeletsa go thuba ga lebati kana letlhabaphefo tsa lefelo.
Pele o dirisa maatla, motlhankedi wa sepodisi, kana motlhatlhobi wa selegae o tshwanetse a batle mo go utlwalang tumelelo mme a itsise lebaka la go tsena, kwa ntle le fa go na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore go dira jalo go ka fenya lebaka la phuruphutso.
i go netefatsa pabalesego ya motho ofe kana ofe; kana ii go thibela tshenyo e e masisi kwa tikologong, le gore go na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore thebolelo e tla ntshiwa go ya ka karolo 17 le gore tiego e e tlisitsweng ke go bona thebolelo e tla fenya maikaelelo a thebolelo.
Motho ofe kana ofe yo o tshwerweng ka tlolomolao e e tshisinngwang mo karolotlaleletsong o tshwanelwa ke tuediso kana kgolegelo ya nako e e sa feteng ngwaga o le mongwe, kana go tsoo pedi tuediso le kgolegelo e e jalo.
Rephaboliking go batlisisa morero ofe kana ofe malebana le go sa tsamaisaneng go go kaegang ga Rephaboliki ka Tumalano.
c o tshwanetse go dira matsapa otlhe go netefatsa gore maikaelelo a newa tšono go bua le batho botlhe ba ba maleba ba ba ka kgonang go tlamela tshedimosetso e e amanang le tsamaisano ya morero e e fa isong; le d o tshwanetse go abela borongwa phitlhelelo kwa dierieng tsotlhe le ditlhomo ka fa tlase ga taolo ya Rephaboliki koo mabaka a a maleba mo tsamaisanong ya morero o o ka solofelwang go tsewa.
Tona o tshwanetse go laolela motlhatlhobi wa selegae go felegetsa le go thusa motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba.
Motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba, fa a felegeditswe ke motlhatlhobi wa selegae le motlhankedi wa sepodisi, o na le ditshwanelo tsotlhe tse di boletsweng mo dikarolong 17, 18 le 19.
Ditshenyegelo tsa borongwa bofe kana bofe ba boditšhabatšhaba tsa go batlana le dintlha di tshwanetse go belegwa ke mekgatlho.
Go ikaegilwe ka Molao wa Setšhaba wa Botsamaisi ba Matlotlo wa 1999 (Molao No. 7 wa 1999), Tona a ka dumelela tuelo ya motho mongwe le mongwe yo e seng karolo ya borongwa ba boditšhabatšhaba ba go batlana le dintlha malebana le ditshenyegelo dife le dife tsa semolao tse di bonweng ke motho yoo malebana le borongwa bo bo jalo.
c bayang maemo afe kana afe a a tshisinngwang mo karolong 23.
b ya tshwanelo efe kana efe ya molaotheo; le c pabalesego ya motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba.
Maemo a a lefisiwang ka fa tlase ga karolotlaleletso 1 a ntse a ka tlhoka motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba gore a se diragatse dithata tse di tlhalositsweng fa a le mo lefelong le le tlhalositsweng.
Mo tiragalong ya Tona a lefisa maemo afe kana afe mo motlhatlhobing wa boditšhabatšhaba, Tona o tshwanetse go dira matsapa a otlhe a a utlwalang go bontsha ka bokao ba thefosano go tsamaelana ga Rephaboliki le Tumalano.
Batlhatlhobi ba boditšhabatšhaba ba tshwanetse go ikaega mo boemong ba pabalesego bo bo amogetsweng ba tlwaelo le tiragatso malebana le dibomo tse di ripitlang batho.
Motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba o itumelela ditshwanelo tse e seng tsa kgapeletso le ditshoutiso ka fa tlase ga Athikele VI ya Tumalano mo Ditshwanelong le ditshoutisong tsa Ditšhaba Kopano tse di kwadilweng mo Tlhabololong 3 go ya Molaong, 2001 (Molao No. 37 wa 2001) wa Ditshoutiso le Ditshwanelo tsa boDipolomate.
a Motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba a ka nna a romela teng sedirisiwa sefe se se tlhokegang go diragatsa ditiro malebana le borongwa ba go batlana le dintlha go ya mo Rephaboliking, mme a ka romela ntle sedirisiwa go tswa Rephaboliking kwa bofelong ba borongwa.
b Thomelo teng le thomelo ntle ya sedirisiwa e e tshisinngwang mo temaneng (a) e gololosegile mo lekgethong lefe kana lefe kana kgethiso.
Tirisanommogo ya boditšhabatšha efe kana efe kana thuso e e neilweng kana e amogetswe ke Rephaboliki ka fa tlase ga Athikele 6 ya Tumalano e tshwanetse go diragala go ya ka maemo a tumalano e e tlhamaletseng.
a boleng le maemo a tirisanommogo kana thuso.
c tlhokomelo, tsosoloso kopanyo gape ya loago le ikonomi ya batswasetlhabelo ba dibomo; le d thuso jaaka e tshisintswe mo temaneng 4 ya Athikele 6 ya Tumalano.
Motho ofe kana ofe yo o tlhomilweng le go dumelelwa o tshwanetse go, ka mabaka a borongwa a go batlana le dintlha, a dire ditiro tsa gagwe go ya ka bokaedi le ditaelo tsa mokgatlho kana bonosi bo bo dumeletsweng ke mekgatlho.
Mo nakong yotlhe ya maikaelelo a go batlana le dintlha motho o ikarabelela kwa mokgatlhong kana kwa bonosing bo bo dumeletsweng ke mekgatlho mme o tshwanetse go begela kwa go yona ka nako ya maikaelelo a a jalo.
a Motho o tshwanetse go thapiwa go ya ka tumalano e e saenilweng ke Tona, kana moemedi wa gagwe yo o dumeletsweng ka tshwanno, le kemedi e e dumeletsweng ka tshwanelo ya mokgatlho kana bonosi.
c ditshwanelo tse e seng tsa kgapeletso le ditshoutiso tsa motho yo o amegang; le d mokgwa wa tshiamiso ya dikganetsano.
c go tshola rekoto ya dithebolelo tsotlhe tse di abilweng go ya ka karolo 7 le rekoto ya dibomo tsotlhe tse di ripitlang batho tse di sentsweng go ya ka Molao o.
a tsamaisong le tiisetsong ya Molao o; le b tsamaelano le Tumalano.
Tona a ka nna a, ka kitsiso e e kwadilweng e e neilweng motho mongwe le mongwe, a tlhoka motho yoo go tlamela tshedimosetso e e jalo jaaka go ka tlhokega mo lobakeng le ka mokgwa le sebopego se se tlhalositsweng mo kitsisong.
Motho ofe kana ofe yo o tshisintsweng mo karolong 7 kana 13 o tshwanetse go tshola rekoto e e kwadilweng mo sebopegong se se tlhalositsweng sa dibomo tsotlhe tse di ripitlang batho e e mo go ena kana e sentswe ke ena.
b ka maikaelelo kana ka bosutlha a tlamela tshedimosetso e e fosagetseng malebana le kitsiso e e jalo; kana c a tlholega go tshola rekoto jaaka go tshisintswe mo karolong 29.
Motho ofe kana ofe yo o tshwerweng ka tlolomolao e e tshisintsweng mo karolotlaleletsong o tshwannwa ke tuediso kana kgolegelo ya lobaka lo lo sa feteng ngwaga o le mongwe kana tse pedi tuediso le kgolegelo jalo.
Molao o kana Tumalano.
a sengwe le sengwe se se ka, kana se se tshwanetseng go ya ka Molao o; le b tsamaiso efe kana mokgwa wa tsamaiso o o tlhokegang go tlhalosa gore o tsenye tirisong mo ditlamelong tsa Molao o.
a Mokwaledi wa Tshireletso.
b Mogolo wa Matsholo a Tshireletso a Bosetšhaba a Aforika Borwa, kana a mothapiwa wa Lefapha la Tshireletso yo o tshwereng maemo kana kemo ya bogolo. Mokaedi, Moboregadiri wa Kakaretso kana Moatemerale wa Morago Kereiti e Nnye.
b e ya go ya ka dikaelo le maemo jaaka Tona a ka lefisa; le c ga e amoge Tona maikarabelo malebana le tiragatso ya dithata kana tiragatso ya tiro e e fa isong.
Go ikaeletswe go tlisa tshotlego bokhutlong le dikgobalo tse di bakiwang ke dibomo tse di ripitlang batho, tse di bolayang kana di gobatsa makgolokgolo a batho beke le beke, segolo baagi ba ba se nang molato ba ka se iphemele bogolo bana, go kgoreletsa tsweletso le kagolešwa ya ikonomi, go iletsa pusetso gae ya bafaladi le batho ba ba ka fa gare ba ba se nang magae, le go nna le ditlamorago tse di tsitsibanyang dingwaga morago ga phuduso.
Go dumelwa gore go a tlhokega go dira bojotlhe jwa bona go aba ka tsela e e nonofileng e e golaganang go lebagana le kgwetlho ya go tlosa dibomo tse di ripitlang batho tse di beilweng go ralala lefatshe, le go tlhomamisa tshenyo ya tsona.
Mo go eletseng go dira bojotlhe jwa bona mo go tlameleng thuso ya tlhokomelo le tsosoloso, go tsenyelediwa le kopanyo gape ya loago le ikonomi ya batswasetlhabelo ba bomo.
Mo go lemogeng gore kganelo e e feleletseng ya dibomo tse di ripitlang batho e tla nna kelo e e botlhokwa ya go aga go itshepa.
Ditekanyetso mo Tirisong ya Dibetsa tse di Rileng tsa Tlwaelo Tse di Ka Tsewang go nna Kotsi go Feta kana go Nna le Ditlamorago tse di Gotlhe, le go goeletsa tshiamiso ya e sale gale ya Phorothokholo e ka Dinaga tsotlhe tse di iseng di dire jalo.
Go amogela gape Tshwetso ya Kopano Kakaretso ya Ditšhaba Kopano 51/45 ya di 10 Sedimonthole 1996 e e rotloetsang Dinaga tsotlhe go tsweletsa ka maatla tumalano ya semolao e e bofang e e nonofileng ya boditšhabatšhaba go thibela tiriso, bobolokelo, tlhagiso le phetiso ya dibomoserai tse di ripitlang batho.
Go amogela gape go ya pele dikgato tse di tserweng mo dingwageng tse di fetileng, bobedi ka bongwe kana bontsi, go ikaeletswe kiletsong, tekanyetsong, kana kemisong ya tiriso, bobolokelong, tlhagisong le phetisong ya dibomo tse di ripitlang batho.
Boditšhabatšhaba a go Iletsa Dibomoserai le mekgatlho e mengwe e e seng ya mmuso e le mmalwa go dikologa lefatshe.
Brussels ya di 27 Seetebosigo 1997 e e gwetlhang baagi ba boditšhaba go rerisana tumalano e e bofang ya boditšhabatšhaba le semolao e e iletsang tiriso, bobolokelo, tlhagiso le phetiso ya dibomo tse di ripitlang batho.
Go ipaya ga bona mo theong ya molao wa botho wa boditšhabatšhaba wa gore tshwanelo ya mekgatlho kwa thulanong e e tlhometseng go tlhopha mekgwa kana boleng ba ntwa ga e tlhaele, mo theong e e iletsang thapo mo dithulanong tse di tlhometseng tsa dibetsa, diporojeke le dimatheriale le mekgwa ya dintwa tsa boleng go baka kgobalo e ntsintsi kana tshotlego e e sa tlhokegeng le mo theong ya gore pharologano e tshwanetse go dirwa magareng ga baagi le balwantshi.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o ikana go senya kana go netefatsa tshenyo ya dibomo tsotlhe tse di ripitlang batho go ya ka ditshiamelo tsa Tumalano.
'Dibomo tse di ripitlang batho' di kaya dibomo tse di rulagantsweng go thuntshiwa ka go nna teng, bokhutshwane kana kgolagano ya motho mme seo se tla tlhokisa maatlafatso, go gobatsa kana go bolaya motho a le mongwe kana go feta.
Dibomo tse di rulagantsweng go ripitliwa ke go nna teng, bogautshwane kana kgolagano le koloi go na le motho, e e tlametsweng ka didirisiwa tse di lwantshang tsholo, ga di tsewe jaaka dibomo tse di ripitlang batho ka ntlha ya go tlamelwa go le kalo.
'Dibomo' di kaya dibetsa tse di rulaganyeditsweng go bewa ka fa tlase, mo godimo kana gaufi le lefatshe 'kana eria ya bodilo bo bongwe, le go thuntshiwa ka go nna teng, bogautshwane le kamano ya motho kana koloi'.
'Sedirisiwa sa twantsha tshwaro' se kaya sedirisiwa se se ikaeletsweng go sireletsa dibomo tse e leng karolo ya, se golagane le, se tshwaragantswe le kana se beilwe ka fa tlase ga bomo le se se rotloetsegang fa maiteko a dirwa go tshwenyana le kana ka tsela e nngwe ka maikaelelo go tshwenya bomo.
'Phetiso' e ama, mo tlaleletsong kwa motsamaong wa sebele wa dibomo tse di ripitlang batho go ya mo teng kana go tswa nageng ya bosetšhaba phetiso ya setlhogo go ya kana go ya go le taolo mo dibomong mme e sa ame phetiso ya naga e e tshotseng dibomo tse di tripitlang batho tsa lefelo.
'Eria ya bomo' e kaya eria e e kotsi ka ntlha ya go nna teng kana go nna teng go go belaelwng ga dibomo.
Go sa lebalwe ditlamorago tsa kakaretso ka fa tlase ga Athikele 1, go tshola kana phetiso ya puso ya dibomo tse di ripitlang batho mo go tlhabololeng le go katiseng talelo ya dibomo, kgololo ya dibomo, kana dithekeniki tsa tshenyo ya dibomo di dumeletswe.
Boleng ba dibomo tse di jalo ga bo ne bo feta palo ya minimamo o o tlhokegang gotlhelele mo mabakeng a a boletsweng fa godimo.
Kwa ntle ga jaaka go tlametswe mo Athikeleng 3, Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o ikana go senya le go netefatsa tshenyo ya bobolokelo ba dibomo tse di ripitlang batho tse e leng tsona kana e na nayo, kana tse di ka fa tlase ga taolelo kana taolo, ka bonako bo bo kgonegang mme e seng morago ga dingwaga tse nne morago ga tseno go ya matsholong a Tumalano e ya Mokgatlho wa Naga.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o ikana go senya kana go netefatsa tshenyo ya dibomo tse di ripitlang batho mo dierieng tsa dibomo ka fa tlase ga taolelo le taolo ya yona, ka bonako bo bo kgonegang fela e seng morago ga dingwaga di le lesome morago ga tseno mo tirisong ya Tumalano ya Mokgatlho wa Naga.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o tla dira matsapa otlhe go lemoga dieria tsotlhe ka fa tlase ga taolelo kana taelo ya ona e mo go yona dibomo tse di ripitlang batho tse di itsegeng kana di belaelwang go sutisiwa mme di tla netefatsa ka bonako ka fa go kgonegang gore dibomo tsotlhe tse di ripitlang batho mo dierieng tsa dibomo ka fa tlase ga taolelo le taolo di tshwailwe go ya ka pherimetara, di tlhokometswe le go sirelediwa ka go agelela kana mekgwa e mengwe, go netefatsa kgapelontle e e nonofileng ya baagi, go fitlha dibomo tsotlhe tse di ripitlang batho tse di tshotsweng foo di sentswe.
Dibetsa Dingwe tse di Rileng tsa Tlwaelo Tse di ka Tsewang go nna Kotsi go Feta kana go Nna le Ditlamorago tse di Gotlhe.
Khonferenseng ya Thadiso go bona katoloso ka letlha la bofelo la go feleletsa tshenyo, ya dibomo tse di ripitlang batho jalo, ka lobaka lo lo ka fitlhang go dingwaga tse di lesome.
c Ditlamorago tsa setho. Loago, ikonomi le tikologo tsa katoloso; le d Tshedimosetso efe e nngwe e e maleba mo kopong ya katoloso e e tshisintsweng.
Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga kana Khonferense ya Thadiso e tla re go lebelelwa mabaka a a tshotsweng mo temaneng 4, ya tlhatlhoba kopo mme e swetse ka bontsi ba dibouto tsa Mekgatlho ya Dinaga tse di leng teng le go bouta gore a o aba kopo ya katoloso ya lobaka.
Katoloso e e jalo e ka ntšhafadiwa ka go dira kopo e ntšha go ya ka ditemana 3.
le 5 ya Athikele e. Mo go kopeng katoloso ya nako e e tswelelang Mokgatlho wa Naga o tla tlisa tshedimosetso ya tlaleletso e e maleba ka se se dirilweng mo lobakeng lwa katoloso lo lo fetileng go latela Athikele e.
Naga mongwe le mongwe o na le tshwanelo go batla le go amogela thuso, fa go kgonegang, go tswa Mekgatlhong ya dinaga tse dingwe go fitlha fa go kgonegang.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o ikana go tsamaisa mme o tla nna le tshwanelo go tsaya karolo mo thefosanong e e tletseng e e kgonegang ya sedirisiwa, matheriale le tshedimosetso ya saense le thekenoloji malebana le tiragatso ya Tumalano e. Mekgatlho ya Dinaga ga e ne e gatelela ditekanyetso tse di sa tlhokegeng mo tshiamelong ya sedirisiwa sa kgololo ya bomo le tshedimosetso e e amanang le thekenoloji mo mabakeng a setho.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o o mo maemong go dira jalo o tla tlamela thuso ya tlhokomelo le tsosoloso le kopanyo ya loago le ikonomi, tsa batswasetlhabelo ba dibomo le mananeo a tlhokomediso ya dibomo.
Sekangwedi se se Hubedu le Tshwaragano ya Boditšhaba, mekgatlho e e seng ya mmuso, kana mo theong ya matlhakore a mabedi.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o o mo maemong a go dira jalo o tla tlamela thuso ya kgololo ya dibomo le ditiro tse di amaneng.
Boithaopo la Thuso mo Kgololong ya Dibomo, kana matlole a kgaolo a mangwe a a dirang ka dibomo.
Mokgatlho wa Naga o mongwe le o mongwe mo maemong a go dira jalo o tla tlamela thuso kwa tshenyong ya bobolokelo ba dibomo tse di ripitlang batho.
Kopano, segolo tshedimosetso e e malebana le mekgwa e e farologaneng le dithekenoloji tsa kgololo ya dibomo, le manane a baitseanape kana dintlha tsa boditšhaba tsa kgolagano mo kgololong ya dibomo.
f Kamano magareng ga Mmuso wa Mokgatlho wa Naga o o amegang le mmuso, kopano ya mebuso e e maleba, kana dikarogano tse e seng tsa mmuso tse di tla dirang mo go diragatseng lenaneo.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o o nayang le go amogela thuso ka fa tlase gaditshiamelo tsa Athikele e tla dirisana le pono kwa go netefatsang tiragatso e e tletseng e e bonako ya mananeo a thuso a a dumalanweng.
b Bogotlhe ba dibomo tsotlhetse di ripitlang batho tsa bobolokelo tse di leng tsa kana di le tsa yona, ka fa tlase ga taolelo kana go tsenyeletsa thubego ya mofuta, boleng le, fa go kgonega palo e ntsi ya mofuta mongwe le mongwe wa bobolokelo ba dibomo tse di ripitlang batho c Go fitlha fa go kgonegang, lefelo la mafelo otlhe a dibomo a a tshotseng, kana a belaelwa go tshola, dibomo tse di ripitlang batho ka fa tlase ga taolelo kana taolo, go tsenyeletsa dintlha tse dintsi jaaka go kgonega malebana le mofuta le boleng ba mofuta ofe kana ofe wa dibomo tse di ripitlang batho mo erieng ya dibomo nngwe le nngwe le fa di ne di tlosiwa.
Moranang tsa ngwaga mongwe le mongwe.
Kopano, Kopo ya Tlhaloso ya morero kwa Mokgatlhong wa Naga. Kopo e e jalo e tla felegediwa ke tshedimosetso e e maleba. Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o tla emela kgakala le Dikopo tsa Tlhaloso tse di sa itsiweng, tlhokomelo e etsewa go thibela tshotlako.
Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba Kopano, mo malatsing a le 28 kwa kopong ya Mokgatlho wa Naga tshedimosetso yotlhe e e ka thusang mo go tlhaloseng morero o.
Kopano go ya Kopanong e e latelang ya Mekgatlho ya Dinaga.
Kakaretso wa Ditšhaba Kopano o tla tsamaisa lokwalo, le felegeditswe ke tshedimosetso yotlhe e e maleba e e tsamaelang le Kopo ya Tlhaloso, go ya Mekgatlhong ya Dinaga. Tshedimosetso yotlhe e e jalo e tla tlhagisiwa kwa Mokgatlhong wa Naga o o kopiwang o o nang le tshwanelo go araba.
Kopano go diragatsa ofisi ya gagwe go tsamaisa tlhaloso e e kopilweng.
Mekgatlho ya Dinaga go sekaseka morero.
Mekgatlho ya Dinaga tse di maleba, kwa Mekgatlhong ya Dinaga ka kopo gore ba bontshe gore a ba rata Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga, ka lebaka la go sekaseka morero.
Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga mo malatsing a le 14 a a latelang.
Kopano e e tla nna le bontsi ba Mekgatlho ya Dinaga.
Dinaga, jaaka kgetsi e ka laolela, e tla tlhomamisa gore a go sekasekwe morero go ya pele, go lebelelwa tshedimosetso yotlhe e e tlisitsweng ke Mekgatlho ya Naga e e amegang. Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga kana Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Naga e tla dira matsapa otlhe go fitlhelela tshwetso e ka tumalano. Fa e le gore le ka matsapa otlhe go fitlha foo ga go tumalano e e fitlheletsweng, go tla tsewa tshwetso ka bontsi ba Mekgatlho ya Dinaga e e teng e e boutang.
Dinaga kana Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga mo go fitlheleleng thadiso ya yona ya morero, go tsenylediwa maikaelelo afe a go batlana le dintlha a a dumeletsweng go ya ka temana 8.
Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga e tla dumelela borongwa ba go batlana le dintlha le go swetsa ka kemedi ya yona ka bontsi ba Mekgatlho ya Dinaga e e leng teng e e boutang. Ka nako Mokgatlho ofe kana ofe wa Naga o o kopiwang o ka nna wa laletsa maikaelelo a go batlana le dintlha kwa nageng ya teng.
Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga go dumelela maikaelelo a a jalo. Maikaelelo, a a tshotseng bomaitseanape ba ba ka nnanag 9, ba tlhomilwe le go rebolwa go ya ka ditemana 9 le 10 ba ka kgobokanya tshedimosetso e e tlaleleditsweng ka nako eo kana mo mafelong a mangwe a a amanang ka tlhamalalo le morero wa tsamaiso e e akanngwang ka fa tlase ga taolelo kana taolo ya Mokgatlho wa Naga o o kopiwang.
Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba Kopano o tla siamisa le go tlaleletsa lenane la maina, ditšhaba le data e nngwe e e maleba ya bomaitseanape ba ba rutegileng ba ba tlamelwang ke Mekgatlho ya Dinaga.
Mokgatlho wa Naga o bolela go sa dumeleng ga ona ka go kwala.
Naga o o ganetsang, fa go sa dumele go ne go builwe pele ga tlhomo ya moitseanape wa maikaelelo a a jalo.
Mo go amogeleng kopo go tswa Kopanong ya Mekgatlho ya Dinaga kana Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga, Mokwaledi Kakaretso wa Dinaga Kopano o tla re morago ga ditherisano le Mokgatlho wa Naga o o kopilweng, a tlhoma maloko a borongwa go tsenyelediwa moeteledipele wa teng. Baditšhaba ba Mekgatlho ya Dinaga ba ba kopang borongwa ba go batlana le dintlha kana ka tlhamalalo e amilwe ke tsona ga ba ne ba tlhomiwa mo borongweng.
Mo godimo bogolo ga kitsiso ya diura tse 72, maloko a borongwa a go batlana le dintlha a tla goroga mo nageng ya Mokgatlho wa Naga o o kopilweng kwa tšhonong ya e sale gale. Mokgatlho wa Naga o o kopilweng o tla tsaya dikaelo tsa tsamaiso tse di tlhokegang go amogela, go palamisa, le go neela bonno maikaelelo, mme o tla rwala maikarabelo a go netefatsa pabalesego ya borongwa go fitlha makisimamong o o kgonegang fa ba le mo nageng ka fa tlase ga taolo.
Mokgatlho wa Naga o o kopilweng sedirisiwa se se tlhokegang se se tla dirisiwang fela go kgobokanya tshedimosetso mo morerong wa tsamaelano e e akanngwang. Pele ga kgorogo ya ona, borongwa bo tla gakolola Mokgatlho wa Naga o o kopilweng ka sedirisiwa se o ikaeletseng go se dirisa mo tseleng ya ona ya borongwa ba go batlana le dintlha.
Mokgatlho wa Naga o o kopilweng o tla tsaya matsapa otlhe go netefatsa gore borongwa ba go batlana le dintlha bo newa tšhono go bua le batho botlhe ba ba maleba ba gongwe ba ka kgonang go tlamela tshedimosetso e e amanang le morero wa tsamaelano o o akanngwang.
Mokgatlho wa Naga o o kopilweng o tla naya phitlhelelo kwa borongweng ba go batlana le dintlha go ya dierieng tsotlhe le go tsenya ka fa tlase ga taolo koo dintlha tse di maleba le morero wa tsamaelano o ka solofelwang go tsewa.
b Tshireletso ya ditlamego dingwe le dingwe tsa molaotheo wa Mokgatlho wa Naga o o kopilweng malebana le ditshwanelo tsa kgono, diphuruphutso le dikgapo, kana ditshwanelo tse dingwe tsa semolaotheo; kana c Tshireletso ya sebopego le pabalesego ya maloko a borongwa a go batlana le dintlha.
Borongwa ba go batlana le dintlha bo ka sala mo nageng ya Mokgatlho wa Naga o o amegang e seng go feta malatsi a le 14, mme kwa lefelong le le rileng e seng go feta malatsi a le 7, kwa ntle le fa go dumalanwe ka tsela e nngwe.
Tshedimosetso yotlhe e e tlametsweng mo sephiring mme e sa amane le diteng tsa borongwa tsa go batlana le dintlha bo tla tsholwa mo theong ya sephiri.
Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga dipoelo tsa diphitlhelelo tsa teng.
Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga kana Kopano e e Kgethegileng, ya Mokgatlho ya Dinaga e tla sekaseka tshedimosetso yotlhe e e maleba, go tsenyelediwa pegelo e e tlisitsweng ka borongwa ba go batlana le dintlha, mme ba ka kopa Mokgatlho wa Naga o o kopilweng go tsaya dikgato go lebelela morero o o tsamaelang lobakeng lwa nako lo lo tlhalositsweng. Mokgatlho wa Naga o o kopilweng o tla begela ka dikgato tsotlhe tse di tserweng mo karabong ya kopo e.
Dinaga e ka tshisinya kwa Mekgatlhong ya Dinaga ditsela tse di amegang le ditsela go tswelela go tlhalosa kana go rarabolola morero o o sekasekilweng, go tsenyelediwa tshimololo ya ditsamaiso tse di maleba go dumalana le molao wa boditšhabatšhaba.
Kopanong e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga e ka tshisinya dikelo tse di maleba, tsenylediwa tiriso ya dikgato tsa tirisanommogo e e boletsweng mo Athikeleng 6.
Dinaga tse di leng teng tse di boutang.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o tla tsaya dikgato tdotlhe tse di maleba tsa semolao, tsamaiso le dikgato tse dingwe, go tsenyelediwa thweso morwalo ya kotlhao ya tumalano, go thibela le go gatelela tiro e nngwe le e nngwe e e ilediwang ke Mokgatlho wa Naga ka fa tlase ga Tumalano e e dirwang ke batho kana mo nageng ka fa tlase ga taolelo kana taolo ya teng.
Mekgatlho ya Dinaga e tla buisana le go dirisana le yo mongwe go siamisa dingangisano tse dingwe le dingwe tse di ka tsogang malebana le tiragatso kana thanolo ya Tumalano e. Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o ka tlisa ngangisano nngwe le nngwe e e jalo pele ga Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga.
Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga e ka nna le seabe mo tshiamisong ya ngangisano ka mokgwa ofe o o bonwang o le maleba, go tsenyelediwa go neelana ka diofisi tse di siameng, go biletsa Mekgatlho ya Dinaga kwa ngangisanong go simolola ka tsamaiso ya tumalano ya tlhopho ya bona le go atlanegisa tekanyetso ya nako ya tsamaiso nngwe le nngwe e e dumalanweng.
Athikele e e kwa ntle ga kgobelelo mo ditshiamelong tsa Tumalano mo tsamaisong le tlhalosong ya tsamaelano.
e Dithomelo tsa Mekgatlho ya Dinaga ka fa tlase ga Athikele 8; le f Ditshwetso tse di amanang le ditliso tsa Mekgatlho ya Dinaga jaaka go tlameletswe mo Athikeleng 5.
Kopano ka ngwaga go fitlha Khonferense ya ntlha ya Thadiso.
Ditšhaba Kopano o tla bitsa Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga.
Dinaga e seng mekgatlho kwa Tumalanong e, mmogo le Ditšhaba Kopano, mekgatlho e mengwe e e maleba ya boditšhabatšhaba kana ditheo, mekgatlho ya dikgaolo, Komiti ya Boditšhabatšhaba ya Sefapaano se se Hubedu le mekgatlho e mengwe e e maleba e e seng ya mmuso e ka lalediwa go tsenela dikopano tse jaaka babogedi go ya ka Melao e e dumalanweng ya Tsamaiso.
Kopano dingwaga tse tlhano morago ga tseno mo tirisong ya Tumalano e. Dikhonferense tse dingwe tsa Thadiso di tla bidiwa ke Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba Kopano fa go tlhokiwa ke a le mongwe kana go feta wa Mekgatlho ya Dinaga, fa fela boikhutso magareng ga Dikhonferense tsa Thadiso di ka se nne ka lebaka lefe kwa tlase ga dingwaga tse tlhano.
Khonferenseng nngwe le nngwe ya Thadiso.
a Go thadisa tiro le maemo a Tumalano e.
Mekgatlho ya Dinaga e e boletsweng mo temaneng ya 2 ya Athikele 11.
c Go tsaya ditshwetso ka dithomelo tsa Mekgatlho ya Dinaga jaaka e tlameletswe mo Athikeleng 5; le d Go tsaya, fa go tlhokega, mo pegelong ya yona ya bokhutlo ya bofelo e e amanang le tiragatso ya Tumalano e.
Dinaga tse e seng mekgatlho kwa Tumalanong e, mmogo le Ditšhaba Kopano mekgatlho e mengwe e e maleba ya boditšhabatšhaba kana ditheo, mekgatlho ya dikgaolo, Komiti ya Boditšhabatšhaba ya Sefapaano se se Hubedu le mekgatlho e mengwe e e maleba e e seng ya mmuso e ka lalediwa go tsenela Khonferense ya Thadiso nngwe le nngwe jaaka babogedi go ya ka Melao e e dumalanweng ya Tsamaiso.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o ka tshisinya ditlhabololo mo Tumalanong e.
morago ga tsamaiso ya teng gore e tshegetsa tshekatsheko ya tshisinyo, Mmeletsi o tla bitsa Khonferense ya Tlhabololo e kwa go yona Mekgatlho yotlhe ya Dinaga e tla lalediwang.
Dinaga tse e seng mekgatlho ya Tumalano e, mmogo le Ditšhaba Kopano, mekgatlho e mengwe e e maleba ya boditšhabatšhaba kana ditheo, mekgatlho ya dikgaolo, Komiti ya Boditšhabatšhaba ya Sefapaano se se Hubedu le mekgatlho e mengwe e e maleba e e seng ya mmuso e ka lalediwa go tsenela Khonferense nngwe le nngwe ya Mametlelelo jaaka babogedi go ya ka Melawana e e dumalanweng ya Tsamaiso.
Mekgatlho ya Dinaga kana Khonferense ya Thadiso kwa ntle le fa bontsi ba Mekgatlho ya Dinaga di kopa gore e tshwarwe e sale gale.
Tlhabololo nngwe le nngwe mo Tumalanong e e tla tsewa ke bontsi ba pedi tharong ya Mekgatlho ya Dinaga tse di leng teng le go bouta kwa Khonferenseng ya Tlhabololo. Mmeletsi o tla tlhaeletsana tlhabololo efe kana efe e e tserweng kwa Mekgatlhong ya Dinaga.
Dinaga mo Tumalanong e tse di e eamogetseng, mo peeletsong le Mmeeletsi wa didirisiwa tsa kamogelo ka bontsi ba Mekgatlho ya Dinaga.
Mokgatlho wa Naga ofe kana ofe o o setseng ka letlha la peeltso ya sedirisiwa sa teng sa kamogelo.
Tumalanong e e tsayang karolo, go ya ka sekale sa Dinaga tse di Kopaneng se tlhatlhoba se se lekanyeditsweng sentle..
Ditšhaba Kopano se se lekanyeditsweng sentle.
Sedimonthole 1997 go fitlha go tsena ga yona mo tirisong.
Tumalano e ikaegile ka tshiamiso, kamogelo le thebolo ya Ditshaeno.
E tla bulelwa phitlhelelo ke Naga efe kana efe e e sa saenang Tumalano.
Tumalano e a tsena mo tirisong ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya borataro morago ga kgwedi e mo go yona sedirisiwa sa bo 40 sa tshiamiso, kamogelo, thebolo kana phitlheleloe e beeleditsweng.
Mo Nageng ngwe le nngwe e e tsayang sedirisiwa sa yona sa tshiamiso, kamogelo, thebolo le phitlhelelo, Tumalano e e tla tsena mo tirisong ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya borataro morago ga letlha le mo go lona Naga e beileng sedirisiwa sa yona sa tshiaimiso, kamogelo, thebolo kana phitlhelelo.
Naga nngwe le nngwe ka nako ya tshiamiso, ya kamogelo, thebolo kana phitlhelelo ya yona, e kaya gore e tla dirisa temana 1 ya Athikele 1 nakwana ya Tumalano e e ikaegileng ka go tsena ga yona mo tirisong.
Diathikele tsa Tumalano e ga di ne di ikaega ka dipeeletso.
Tumalano e e tla nna ya nako e e sa lekanyediwang.
Mmeeletsing le kwa Lekgotleng la Tshireletso ya Ditšhaba tse di Kopaneng. Sedirisiwa se se jalo sa ikgogelomorago se tla tsenyeletsa tlhaloso e e tletseng ya mabaka a a tshegetsang kgogelomorago e.
Ikgogelomorago e e jalo e diragala fela dikgwedi tse thataro morago ga kamogelo ya sedirisiwa sa kgogelomoragp ka Mmeeletsi. Ka gale, fa ka nako ya go feta ya dikgwedi tse thataro, Mokgatlho wa Naga, o oikgogelang morago o amegile mo thulanong ya dibetsa kgogelomorago ga e ne e diragala pele ga bofelo ba thulano ya dibetsa.
Kgogelomorago ya Mokgatlho wa Naga go tswa Tumalanong e, ga e ne ka tsela epe e ama tiro ya Dinaga go tswelela go diragatsa maikaelelo a a akantsweng ka fa tlase ga melawana efe e e maleba ya molao wa boditšhaba.
Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba Kopano.
<fn>tsn_Article_National Language Services_MOLAOTLHOMO WA KILETSO YA MEEPO YA TWANTSHA MOTHO (2002).txt</fn>
jaaka o tlhagisitswe ke Kopano ya Bosetšhaba jaaka karolo ya Molaotlhomo e e phasaladitsweng mo Kuranteng ya Mmuso No.
Go laola 'Tumalano mo Kiletsong ya Tiriso, Bobolokelo, Tlhagiso le Phetiso ya Meepo ya Twantsha Motho le mo Tshenyegong ' go ya mo molaong; go tlamelela tshenyego ya meepo ya twantsha motho; go tlamelela tlhatlhobo ya selegae le ya boditšhabatšhaba; go tlamelela tirisanommogo ya boditšhabatšhaba; le go tlamelela merero e e amanang natso.
LE MORORO meepo ya twantsha motho e tlhama pogisego ya kgaolo e e bolayang le go golafatsa batho ba ba se nang molato ba ba se nang go iphemela ka nako ya dithulano tsa dintwa le go thibela tlhabololo ya loago ikonomi le kagolešwa.
LE MORORO Repaboleki o ineetse go diragatsa molao wa botho jwa boditšhabatšhaba le molao wa boditšhaba mo thulanong ya dibetsa.
KA GO RIALO GO LAOLETSWE ke Palamente ya Repaboleki ya Aferika Borwa, jaaka go latela:...
Maikaelelo a go bona nnete a boditšhabatšhaba mo Repaboleking.
Setefekeiti jaaka motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba.
Maemo a a beilweng mo motlhatlhobing wa boditšhabatšhaba.
Ditshireletso le ditshwanelo tsa batlhatlhobi ba boditšhabatšhaba.
Tumelelo go tsaya karolo mo maikaelelong a go bona dintlha ka boditšhabatšhaba ka kwa ntle ga Repaboleki.
Melato le dikotlhao malebana le tlamelo ya tshedimosetso.
batlhankedi ba makgetho' ba kaya motlhankedi jaaka a tlhalosiwa mo karolong 1 ya Molao wa Makgetho le Lekgetho la dithoto, 1964 Molao No.
Lefapha la Tshireletso' le kaya Bokaedi ba Tshireletso le Sesole sa Tshireletso sa Bosetšhaba sa Aferika Borwa jaaka se bidiwa mo karolong 48 ya Molao wa Tshireletso, 1957 Molao No.
mothapiwa wa Lefapha la Tshireletso' o kaya leloko la Sesole sa Tshireletso sa Bosetšhaba sa Aferika Borwa yo o thapilweng go ya ka Molao wa Tshireletso, 1957 (Molao No. 44 wa 1957), le mothapiwa wa Lefapha la Tshireletso yo o thapilweng go ya ka Molao wa Tirelo ya Bosetšhaba, 1884 (Kgoeletso No.
motho' o na le bokao bo bo beilweng mo go ena mo Molaong wa Thanolo, 1957 Molao No.
a leloko la Tirelo ya Sepodisa sa Aferika Borwa jaaka se tlhalosiwa mo karolong 1 ya Molao wa Tirelo ya Sepodisi sa Aferika Borwa, 1995 Molao No.
c motlhankedi wa sepodisi sa sesole; kana d leloko lefe kana lefe la Sesole sa Tshireletso sa Bosetšhaba sa Aferika Borwa le boloditswe ka tiro e e tshwaraganetsweng le Tirelo ya Sepodisi ya Aferika Borwa.
b go rekisa, go hira, go hirisa, go adimana, go adima, go aba, go neela, go rekisa, go amogela kana go kgaogana le, kana go bona go nna le moepo wa twantsha motho; le c phetiso ya moepo wa twantsha motho go ya teng le kwa ntle ka naga ya Repaboleki ka mokgwa ofe kana ofe mme go sa ame phetiso ya lefatshe e e tshotseng meepo e e beilweng ya twantsha motho.
d go tlamela ditlhatlhobo tsa selegae le tsa boditšhabatšhaba; le e go tlamela tirisanommogo ya boditšhabatšhaba.
Go ya ka Molao, Tumalano e na le maatla a molao mo Repaboleking.
Tona e ka nna ya re nako le nako ka kitsiso mo Kuranteng ya Mmuso ya mametlelela Mametlelelo go bontsha diphetogo dife kana dife tse di diretsweng kwa Tumalanong fa diphetogo tseo di bofa mo Repaboleking go ya ka karolo 231 ya Molaotheo.
1 Kgotlatshekelo efe kana efe ya bokgoni, e e tsenyeletsang kgotlatshekelo ya sesole jaaka e tlhalosiwa mo karolong 1 ya Molao wa Ditheo tsa Tlaleletso ya Kgalemo ya Sesole, 1999 Molao No.
a moagi wa Aferika Borwa jaaka a bonwa mo Molaong wa Baagi wa Aferika Borwa, 1995 Molao No.
b motho wa molao yo o tsentsweng kwa e kwadisitsweng mo Repaboleking, kana c motho yo o akanngwang mo karolong 3 ya Molao wa Ditheo tsa Tlaleletso tsa Kgalemo ya Sesole, 1999 Molao No.
mo tlolomolaong efe kana efe go ya ka Molao o, go sa tlogelwe lebaka la gore kgato kana tlogelo e ponomolato e amanang nayo e ne ya dirwa ka kwa ntle ga Repaboleki.
Go sa tlogelwa molao ofe kana ofe o o ganetsang, kgotlatshekelo ya magiseterata ofe kana ofe o na le taolo go fetisa kotlhao efe kana efe e e tlamelelwang go ya ka dikaelo tsa Molao o.
b nnang, bonang, dirang, bolokelang, fetisang, dirang ka, go romela teng kana go romela ntle karolo ya serwe le c nnang, bonang, dirang, fetisang, dirang ka, dithulaganyo tsa go romela teng kana go romela ntle kana go rulaganyetsa mabaka a go dira moepo wa twantsha motho kana karolo ya serwe.
Motho mongwe le mongwe wa tlholego yo o tlolang tlamelo ya karolo 5 o molato wa tlolomolao mme o tshwanelwa ke ponomolato go ya tuedisong kana go ya kgolegelong ya nako e e sa feleng dingwaga tse 25 kana go tse pedi tuediso le kgolegelo e e jalo.
Motho mongwe le mongwe yo o laolang yo o tlolang tlamelo ya karolo 5 o molato wa tlolomolao mme o tshwanelwa ke ponomolato ya go ya tuedisong e e sa feteng R1 MILLIONE.
Ponomolato ka kgotlhatshekelo efe kana efe ya tlolomolato ka fa tlase ga Molao e ka, mo tlaleletsong kwa kotlhaong efe kana efe e nngwe e e neetsweng malebana le tlolomolao go supa sebetsa, koloi, yunifomo, didirisiwa kana thoto e nngwe kana go gana malebana le tlolomolao e e neng e dirilwe kana e e neng e diriseditswe, kana malebana le khomišene ya tlolomolao, go latlhegelwa kwa Nageng.
Tona a ka nna a rebola sethwe sefe kana sefe sa naga kana mothapiwa ofe kana ofe wa sethwe seo, moemedi ofe kana ofe kana motho ofe kana ofe yo mongwe go tswa kiletsong e e boletsweng mo karolong 5 mme a ka nna a dumelela sethwe se se jalo, mothapiwa, moemedi kana motho go nna le meepo ya twantsha motho ka mabaka a go tlhabolola le go dira katiso mo temogong ya moepo, kgololong ya moepo kana dithekeniki tsa tshenyo ya moepo kana ya tshenyo ya tsona.
b Thebolo efe kana efe e e tshisintsweng mo temaneng a e tshwanetse go kwalwa mme e tshwanetse go neela palo ya meepo ya twantsha motho e go ka nniwang le yona ka fa tlase ga tumalano e e bodiwang.
a Palo gotlhe ya moepo e e ka rebolwang go nna le yona ke sethwe sa naga go ya ka karolotlaleletso 1 e ntse e ka se fete 5000.
b Fa Tona a dumelela go nna le meepo ya twantsha motho ka moemedi kana motho ofe kana ofe yo mongwe jaaka e tshisintswe kwa karolotlaleletsong 1, o tshwanetse go fokotsa puo ya meepo e go ka nniwang nayo mo lebakeng lengwe le lengwe go ya bogolo go palo ya meepo e e mosola mo lebakeng la tumalano e e bodiwang.
Motho ofe kana ofe yo o nang le moepo wa twantsha motho go ya ka tumalano e e tshisintsweng mo karolotlaleletsong 1 o tshwanetse go tshwara moepo o o jalo go ya ka tlamelo ya Molao wa Dithuthupi 1958 Molao No. 26 wa 1956.
Go ikaegilwe ka molao ofe kana ofe o o laolang phetiso ya dibetsa, moepo wa twantsha motho o ka fetisiwa fela go ya le go tswa Repaboleking ka tunelelo e e kwadilweng ya Tona.
Motlhankedi wa makgetho yo o tsayang moepo wa twantsha motho go ya ka Molao wa Makgetho le lekgetho la dithoto, 1964 (Molao No. 91 wa 1964), o tshwanetse go neelana ka moepo o o jalo kwa montlhankeding wa sepodisi mo nakong e e utlwalang.
a Tona o dumelela thuo e e jalo; le b Moepo o o jalo kana karolo e le lolea la matheriale wa dithuthupi le didirisiwa tse di kgotletseng dithuthupi.
a 'musiamo wa sesole' o kaya sesole , mophato kana musiamo wa bagaka, kana tshupetso kgotsa pontsho ya tlholego ya hisitori ya pontsho ua setšhaba kana poraefete e e atlenegisitsweng ke Lefapha la Tshireletso.
'mokgobokanyi wa setšhaba' o kaya motho yo o kgobokanyang ditlhobolo go bontsha setšhaba le yo o atlenegisitseng jalo go ya ka Molao wa Taolo ya Ditlhobolo, 2000 Molao No. 60 wa 2000; le d 'musiamo wa setšhaba' o kaya setheo se se tlhalositsweng jalo mo karolong 31 le 2 ya Molao wa Setso sa Ditheo, 1998 Molao No. 119 wa 1998.
a ditiragatso, dikatiso kana ditiro ga di kgatlhanong le Tumalano; le b botsayakarolo ga bo lekane le thuso mo tiragatsong epe e e ilediwang ke Tumalano.
Fa kgatako e e jalo e tlhagelela, Tona o tshwanetse go laolela khutliso ya kamego efe e e tswelelang e e dirisiwang, katiso kana tiro e e leng teng kana a ka tsaya kgato e e maleba e nngwe e e jalo jaaka a ka bona go tshwanela.
Matsholo a sesole a naga e nngwe a a etetseng Repaboleki go ya ka maitlamo a boditšhabatšhaba kana tumalano magareng ga naga le Repaboleki le maloko a matsholo a a jalo a tlamiwa ka Molao.
Kwa ntle ga thebolo ya Tona jaaka e tshisintswe mo karolong 7, motho ofe yo o nang le moepo wa twantsha motho kana karolo ya sethwe ka bonako pele ga Molao o, o diragadiwa, o tshwanetse, mo dikgweding tse thataro go tloga letlha le Molao o, o dirilweng, go itsise motlhankedi wa sepodisi yo o tlhomilweng ke Tona ya Pabalesego le Tshireletso ka thuo e e jalo.
Mo tiragalong ya tshutiso ya tiragatso ya sesole efe ka kwa ntle ga Repaboleki, motho ofe yo o nang le moepo wa twantsha motho kana karolo ya sethwe o tshwanetse go itsise motlhankedi wa sepodisi sa sesole kana motho ofe yo mongwe yo o tlhomilweng ke Tlhogo ya Matsholo a Tshireletso a Bosetšhaba a Aferika Borwa mo lebakeng le.
Motlhankedi wa sepodisi, motlhankedi wa sepodisi sa sesole kana motho yo mongwe, jaaka go ka nna, o tshwanetse go kwadisa kitsiso ka mokgwa o o tlhalositsweng ke molawana o o dirilweng ka fa tlase ga karolo 32 mme o tshwanetse go rulaganya go tsewa ga moepo kana karolo ya kgololo kwa ntle ga tiego.
Meepo ya twantsha motho yotlhe e e tserweng go ya ka karolo e latlhegetswe kwa Nageng.
Go ya ka karolo 7, Tona e tshwanetse go netefatsa tshenyo ya bobolokelo botlhe le meepo ya lefelo ya twantsha motho mo Repaboleking.
Tshenyo ya meepo ya twantsha motho e ka tsewa fela ke bothati bo bo nonofileng bo bo tlhomilweng ke Lefapha la Tshireletso kana Tirelo ya Sepodisi sa Aferika Borwa.
Tshenyo efe ya moepo wa twantsha motho e tshwanetse go dirwa go tsamaelana le tikologo efe e e dirang le boitekanelo ba tshupetsokgono ya ditiro le moalo wa pabalesego.
a batlisisa le go diragatsa tsamaelano le Molao, kana b thusa motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba yo o batlisisang go sa tsamaisaneng ga ga twe gofe le Tumalano.
Tona o tshwanetse go neela motlhatlhobi mongwe le mongwe wa selegae setefekeiti sa tlhomo se se bontshang motlhatlhobi wa selegae ka leina, se bontsha maemo a motlhatlhobi le bothati go tsamaisa ditlhatlhobo le go baya maemo afe a a bewang godimo ga gagwe go ya ka karolo 15.
Motlhatlhobi wa selegae o tshwanetse go tsamaisana le ditaelo tsa Tona mo go direng ditiro tsa gagwe.
Motlhatlhobi wa selegae yo o seng mo tirelong ya leruri ya Naga o tshwanetse go duelwa dituelo le ditetlo jaaka Tona a ka, ka thebolo ya Tona ya Matlotlo a ka laola.
Maemo a a beilweng ka fa tlase ga karolotlaleletso 1 a ka nna a tlhoka motlhatlhobi wa selegae e seng go diragatsa maatla a a totobaditsweng fa o le mo lefelong le le tlhalositsweng.
Batlhatlhobi ba selegae ba tshwanetse go tshwarelela kwa maemong a pabalesego a a tlwaelegileng le ditlwaelo malebana le meepo ya twantsha motho.
Tona a ka nna a, morago ga go neela motlhatlhobi wa selegae tšhono go dira dikemedi le go sekaseka dikemedi tse di jalo. Ka mabaka a a siameng go khutlisa tlhomo ya motlhatlhobi wa selegae yo o jalo.
b go tshwera lekwalo lefe kana lefe, rekota, selo kana matheriale fa a na le lebaka go belaela gore go ka dirisiwa jaaka bopaki mo tekong ya bosenyi; le c go tlhatlhoba tiro nngwe le nngwe, tiragatso kana tirego e e diragalang mo lefelong.
a go neela raseti ya teng kwa go mong kana motho yo o laolang lefelo; le b kwa ntle le fa e le selo se se ileditsweng go ya ka Molao o, go e busetsa ka bonako jo bo kgonegang morago ga go fitlhelela lebaka la se e neng e se tloseditswe.
b neelana ka tshedimosetso e e jalo ka a na le kgatlhego le morero o o batlisisiwang; le c neelana ka thuso e e jalo e e utlwalang jaaka motlhatlhobi a ka tlhoka go dira ditiro tsa gagwe go ya ka Molao ka nonofo.
Pele go bodiwa motho ofe kana ofe kwa lefelong le le rileng, motlhatlhobi wa selegae kana motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go gakolola motho yoo ka tshwanelo go thusiwa ka nako ke mmueledi, le go letlelela motho yoo go diragatsa tshwanelo ya gagwe.
a mo kamanong le lefelo mo kana go tswa kwa go nang le lebaka go dumela gore tlolo ya Molao o e dirilwe kana e a dirwa; le b fa go lebega go tswa tshedimosetsong mo maikanong kana tiisetso gore go na le mabaka a a utlwalang go dumela gore go na le bopaki mo kana ka lefelo le le jalo ka tlolo ya Molao.
Thebolelo e ka nna ya baya dithibelelo mo maatleng a motlhatlhobi wa selegae.
go feta ga kgwedi e le nngwe go tloga letsatsing la thebolo; kana iv lebaka la go rebola thebolelo le fetile; se se tlhagelelang pele; le b e tshwanetse go diragadiwa ka letsatsi kwa ntle ga fa motho yo o rebolang thebolelo a dumelela tiragatso e e jalo ya tshwanelo.
Ga go motho yo o lebaganweng ka tshiamelo ya tatlhegelo efe kana tshenyegelo go tswa tiragalong e e utlwalang ka motlhankedi wa sepodisi kana motlhatlhaobi wa selegae ka fa tlase ga karolo e.
Meepo ya twantsha motho e tshwerwe kana e bolokile bopaki mo ditsweletsong tsa bosenyi bo tshwanetse go tshwarwa, go dirwa le go latlhiwa go ya ka Molao wa Tsamaiso ya Bosenyi 1977 Molao No. 51 wa 1977, le Molao wa Dithuthupi; 1955 (Molao No. 26 wa 1956).
Temogo pele ga tseno le kgano kgatlhanong le tseno.
a a itsise go utlwala gore o dumeletswe go tsena lefelo le go batla tumelelo go ya mo lefelong ; le b go itsise motho yo o laolang lefelo lebaka la go tsena; kwa ntle le fa go na le mabaka a a utlwalang go dumela gore kgoeletso e e jalo kana kitsiso e ka fenya lebaka la go batla.
a go neela motho yo o laolang lefelo khophi ya thebolelo kana, fa motho yo o jalo a se teng, kgomaretsa khophi e e jalo kwa lefelong le le itsegeng mo lefelong; le b mo kopong motho yo o laolang lefelo le le jalo, a bonetse setefekeiti sa tlhomo kwa mothong yoo.
Motlhatlhobi wa selegae kana motlhankedi wa sepodisi yo o tshisintsweng mo karolotlaleletsong 1 a ka nna a fenya twantsho go ya botsenong le phuruphotsong ka go dirisa maatla a a jalo jaaka go tlhokega mo go utlwalang, go tsenyeletsa go thuba ga lebati kana letlhabaphefo la lefelo.
Pele o dirisa maatla, motlhankedi wa sepodisi, kana motlhatlhobi wa selegae o tshwanetse a batle ka kutlwalo tumelelo mme a itsise lebaka la go tsena, kwa ntle le fa go na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore go dira jalo go ka fenya lebaka la phuruphotso.
i go netefatsa pabalesego ya motho ofe kana ofe; kana ii go thibela tshenyo e e masisi mo tikologong, le gore go na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore thebolelo e tla ntshiwa go ya ka karolo 17 le gore tiego e e tlisitsweng ke go bona thebolelo e tla fenya maikaelelo a thebolelo.
Motho o molato ka tlolomolao fa ka maikaelelo a kgoreletsa, kana ka kitso a dira seteitemente se se fosagetseng, kwa motlhankeding wa sepodisi kana motlhatlhobi wa selegae ka nako ya phuruphotso ka fa tlase ga thebolelo e e bonwang go ya ka karolo 17.
Motho ofe kana ofe yo o tshwerweng ka tlolomolao e e tshisinngwang mo karolotlaleletsong 1 o tshwanelwa ke tuediso kana kgolegelo ya nako e e sa feteng ngwaga o le mongwe, kana go tse pedi tuediso le kgolegelo e e jalo.
Borongwa ba boditšhabatšhaba ba go batlana le dintlha, bo bo dumeletsweng le go laolelwa ke mekgatlho le go tlhamiwa ke Mokwaledi - Kakaretso wa Ditšhaba tse di Kopaneng, o ka re go ya ka Athikele 8 ya Tumalano di tsena le go nna mo Repaboleking go batlisisa morero ofe kana ofe malebana le go sa tsamaisaneng go go kaegang ga Repaboleki ka Tumalano.
c o tshwanetse go dira matsapa otlhe go netefatsa gore maikaelelo a newa tshono go bua le batho botlhe ba ba maleba ba ba kgonang go tlamela tshedimosetso e e amanang le tsamaisano ya morero e e fa isong; le d o tshwanetse go abela maikaelelo phitlhelelo kwa dierieng tsotlhe le ditlhomo ka fa tlase ga taolo ya Repaboleki koo mabaka a a maleba mo tsamaisanong ya morero o ka go tsewa.
Tona o tshwanetse go laolela motlhatlhobi wa selegae go felegetsa le go thusa motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba.
Motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba, fa a felegeditswe ke motlhatlhobi wa selegae le motlhankedi wa sepodisi, o na le ditshwanelo tsotlhe tse di boletsweng mo karolong 17, 18 le 19.
Ditshenyegelo tsa borongwa ba boditšhabatšhaba tsa go batlana le dintlha di tshwanetse go belegwa ke mekgatlho.
Go ikaegilwe ka Moalo 1999 wa Botsamaisi ba Matlotlo a Setšhaba Molao No. 7 wa 1999, Tona a ka duela motho ofe kana ofe yo e seng karolo ya borongwa ba boditšhabatšhaba ba go batlana le dintlha malebana le ditshenyegelo dife le dife tsa semolao tse di bonweng ke motho yoo malebana le borongwa bo bo jalo.
b tlhalosang gore motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba o itumelela ditshwanelo le ditshoutiso ka fa tlase ga Athikele VI ya Tumalano m Ditshwanelong le Ditshoutisong tsa Ditšhaba tse di Kopaneng, tse di amogetsweng tse di c bayang maemo afe a a tshisinngwang mo karolong 23.
b ya tshwanelo efe ya molaotheo; le c pabalesego ya motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba.
Maemo a a lefisiwang ka fa tlase ga karolotlaleletso 1 a ntse a ka tlhoka motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba gore a se diragatse maatla a a rileng fa a le mo lefelong le le tlhalositsweng.
Mo tiragalong ya Tona a lefisa maemo afe mo motlhatlhobing wa boditšhabatšhaba, Tona o tshwanetse go dira matsapa a otlhe a a utlwalang go bontsha ka bokao ba thefosano go tsamaelana ga Repaboleki le Tumalano.
Batlhatlhobi ba boditšhabatšhaba ba tshwanetse go ema mo boemong ba pabalesego bo bo amogetsweng ba tlwaelo le tiragatso malebana le meepo ya twantsha motho.
Motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba o itumelela ditshwanelo le ditshoutiso ka fa tlase ga Athikele VI ya Tumalano mo Ditshwanelong le ditshoutisong tsa Ditšhaba tse di Kopaneng tse di kwadilweng mo Mametlelelong go ya Molaong, 2001 (Molao No. 37 wa 2001) wa Ditshoutiso le Ditshwanelo tsa boDipolomate.
a Motlhatlhobi wa boditšhabatšhaba a ka nna a romela teng sedirisiwa sefe se se tlhokegang go diragatsa ditiro malebana le borongwa ba go batlana le dintlha go ya mo Repaboleking mme a ka romela ntle sedirisiwa go tswa Repaboleking kwa bofelong ba maikaelelo.
b Thomelo gare le thomelo ntle ya sedirisiwa e e tshisinngwang mo temaneng a e gololosegile mo lekgethong lefe kana lefe kana kgethiso.
Tirisanommogo ya boditšhabatšha efe kana efe kana thuso e e neilweng kana e amogetswe ke Repaboleki ka fa tlase ga Athikele 6 ya Tumalano e tshwanetse go diragala go ya ka maemo a tumalano e e tlhamaletseng.
a boleng le maemo a tirisanommogo ya thuso.
b ditlamego tsa mekgatlho yotlhe mo tumalanong, go akarediwa le ditlamego tsa matlotlo.
c tlhokomelo, tsosoloso kopanyo gape ya loago le ikonomi ya batswasetlhabelo ba moepo; le d thuso jaaka e tshisintswe mo temaneng 4 ya Athikele 6 ya Tumalano.
Motho ofe kana ofe yo o tlhomilweng le go dumelelwa o tshwanetse go, ka mabaka a borongwa a go batlana le dintlha, a dire ditiro tsa gagwe go ya ka bokaedi le ditaelo tsa mokgatlho kana bonosi bo bo dumeletsweng ke mekgatlho.
Go ralala maikaelelo a go batlana le dintlha motho o ikarabelela kwa mokgatlhong kana kwa bonosing bo bo dumeletsweng ke mekgatlho mme o tshwanetse go begela kwa go ona ka nako ya maikaelelo a a jalo.
a Motho o tshwanetse go thapiwa go ya ka tumalano e e saenilweng ke Tona, kana moemedi wa gagwe yo o dumeletsweng ka tshwanno, le kemedi e e dumeletsweng ka tshwanelo ya mokgatlho kana bonosi.
c ditshwanelo le ditshoutiso tsa motho yo o amegang; le d mokgwa wa tshiamiso ya dikganetsano.
c go tshola rekoto ya dithebolelo tsotlhe tse di abilweng go ya ka karolo 7 le rekoto ya meepo yotlhe ya twantsha motho e e sentsweng go ya ka Molao o.
a tsamaisong le tiisetsong ya Molao o; le b tsamaelano le Tumalano.
Motho ofe kana ofe yo o tshisintsweng mo karolong 7 kana 13 o tshwanetse go tshola rekoto e e kwadilweng mo sebopegong se se tlhalositsweng sa meepo yotlhe ya twantsha motho e e mo go ena kana e sentswe ke ena.
b ka maikaelelo kana ka bosutlha a tlamela tshedimosetso e e fosagetseng malebana le kitsiso e e jalo; kana c a tlholega go tshola rekoto jaaka go tshisintswe mo karolong 29.
Motho ofe kana ofe yo o tshwerweng ka tlolomolao e e tshisintsweng mo karolotlaleletsong 1 o tshwannwa ke tuediso kana kgolegelo ya nako e e sa feteng ngwaga o le mongwe kana tse pedi tuediso le kgolegelo jalo.
Tona o tshwanetse go netefatsa gore dikaelo tsa kakaretso di a rekotiwa malebana le go katisiwa ga motlhankedi ofe kana ofe yo o diragatsang tiro go ya ka Molao kana Tumalano.
a sengwe le sengwe se se ka, kana se se tshwanetseng go tlhalosiwa go ya ka Molao o; le b tsamaiso efe kana mokgwa wa morero o o tlhokegang go tlhalosa gore o neele nonofo mo ditlamelong tsa Molao o.
a mokwaledi wa Tshireletso.
b mogolo wa Matsholo a Tshireletso a Bosetšhaba a Aferika Borwa, kana c mothapiwa wa Lefapha la Tshireletso yo o tshwereng maemo kana kemo ya bogolo. Moboregadiri wa Kakaretso kana Moatemerale wa Morago Kereiti e Nnye.
b e ya go ya ka dikaelo le maemo jaaka Tona a ka lefisa; le c ga e amoge Tona maikarabelo malebana le tiragatso ya maatla kana tiragatso ya tiro e e fa isong.
Molao o o bidiwa Molao wa Kiletso ya Meepo ya Twantsha motho, 2002, mme o simolola ka letlha le le tsepamisitsweng ke Moporesidente ka kgoeletso mo Kuranteng ya Mmuso.
Go ikaeletswe go tlisa tshotlego bokhutlong le dikgobalo tse di bakiwang ke meepo ya twantsha motho, e e bolayang kana e gobatsa makgolokgolo a batho beke le beke, bontsi ba baagi ba ba se nang molato ba sa iphemele bogolo bana, go kgoreletsa tlhabololo le kagolešwa ya ikonomi, go iletsa pusetso gae ya bafaladi le batho ba ba ka fa gare ba ba se nang magae, le go nna le ditlamorago tse di tsitsibanyang dingwaga morago ga phuduso.
Go dumela gore go a tlhokega go dira bojotlhe jwa bona go aba ka tsela e e nonofileng e e golaganang go lebagana le kgwetlho ya go tlosa meepo ya twantsha motho e e beilweng go ralala lefatshe, le go tlhomamisa tshenyo ya yona.
Go eletsa go dira bojotlhe jwa bona mo go tlameleng thuso ya tlhokomelo le tsosoloso, go akarediwa le kopanyo gape ya loago le ikonomi ya batswasetlhabelo ba moepo.
Go lemoga gore kganelo e e feletseng ya meepo ya twantsha motho e tla nna kelo e e botlhokwa ya go aga go itshepa.
Go amogela tseo ya Porotokolo ya Dikiletso kana Dithibelo mo Tirisong ya Meepo, Dirai tsa Bobi le Ditlamaganyo tse Dingwe, jaaka di mametleletswe ka di 3 Motsheganong 1996, di mametleletswe mo Tumalanong ya Dikiletso kana Dithibelo mo Tirisong ta Dibetsa tse di Rileng tsa Tlwaelo Tse di Ka Tsewang go nna Kotsi go Feta kana go Nna le Ditlamorago tse di Gotlhe, le go goeletsa tshiamiso ya e sale gale ya Porotokolo e ka Dinaga tsotlhe tse di iseng di dire jalo.
Go amogela gape Tshwetso ya Kopano Kakaretso ya Ditšhaba tse di Kopaneng 51/45 ya di 10 Sedimonthole 1996 e e rotloetsang Dinaga tsotlhe go tsweletsa ka maatla tumalano ya semolao e e bofang e e nonofileng ya boditšhabatšhaba go thibela tiriso, bobolokelo, tlhagiso le phetiso ya dibomoserai tsa twantsha motho.
Go amogela gape go ya pele dikgato tse di tserweng mo dingwageng tse di fetileng, bobedi ka bongwe kana bontsi, go ikaeletswe kiletsong, thibelong, kana kemisong ya tiriso, bobolokelong, tlhagisong le phetisong ya meepo ya twantsha motho.
Go gatelela seabe sa segakolodi sa setšhaba mo go tsweletseng ditheo tsa botlhe jaaka di itemogelwa ke pitso ya kiletso e e feletseng ya meepo ya twantsha motho le go lemoga matsapa go fitlha bokhutlong a a tserweng ke sefapaano se se Hubedu sa Boditšhabatšhaba le Mokgatlho o Mohubedu wa Sekasekele, Matsholo a Boditšhabatšhaba a go Iletsa Dibomoserai le mekgatlho e mengwe e e seng ya mmuso e le mmalwa go dikologa lefatshe.
Go gakologelwa Tlhomamiso ya Ottawa ya di 5 Diphalane 1996 le Tlhomamiso ya Brussels ya di 27 Seetebosigo 1997 e e gwetlhang baagi ba boditšhaba go rerisana tumalano e e bofang ya boditšhaba le semolao e e iletsang tiriso, bobolokelo, tlhagiso le phetiso ya meepo ya twantsha motho.
Go gatelela keletso ya go gogela tatelano ya Dinaga tsotlhe kwa Tumalanong e, le maikaelelo go dira ka natla go ya kgodisong ya bogotlhe ba yona mo mabakeng otlhe a a a a maleba gareng ga tse dingwe, Ditšhaba tse di Kopaneng, Khonferense ya Kamogodibetsa, mekgatlho ya kgaolo, le ditlhophana, le go thadisa dikhonferense tsa Tumalano mo Dikiletsong kana Dithibelong mo Tirisong ya Dibetsa tse di Rileng tsa Tlwaelo Tse di ka Tsewang go nna Kotsi go Fela kana go Nna le Ditlamorago tse di Gotlhe.
Go ipaya ga bona mo theong ya molao wa botho wa boditšhabatšhaba wa gore tshwanelo ya mekgatlho kwa thulanong e e tlhometseng go tlhopha mekgwa kana boleng ba ntwa ga di tlhaele, mo theong e e iletsang thapo mo dithulanong tse di tlhometseng tsa dibetsa, diporojeke le dimatheriale le mekgwa ya dintwa tsa boleng go baka kgobalo e ntsintsi kana tshotlego e e sa tlhokegeng le mo theong ya gore pharologano e tshwanetse go dirwa magareng ga baagi le balwantshi.
c Go thusa, go rotloetsa kana go sokasoka, ka tsela efe, mongwe le mongwe go amega mo tirong efe e e ileditsweng kwa Mokgatlhong wa Naga ka fa tlase ga Tumalano.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o ikana go senya kana go netefatsa tshenyo ya meepo yotlhe ya twantsha motho go ya ka ditlamelo tsa Tumalano.
'Moepo wa twantsha motho' o kaya moepo o o rulagantsweng go thuntshiwa ka go nna teng, bokhutshwane kana kgolagano ya motho mme seo se tla tlhokisa maatlafatso, go gobatsa kana go bolaya motho a le mongwe kana go feta. Meepo e e rulagantsweng go thuthupisiwa ke go nna teng, bogautshwane kana kgolagano le koloi go na le motho, e e tlametsweng ka didirisiwa tse di lwantshang tsholo, ga di tsewe jaaka meepo ya twantsha motho ka ntlha ya go tlamelwa go le kalo.
'Moepo' o kaya dibetsa tse gi rulaganyeditsweng go bewa ka fa tlase, mo godimo kana gaufi le lefatshe 'kana eria ya bodilo bo bongwe, le go thuntshiwa ka go nna teng, bogautshwane le kamano ya motho kana koloi'.
'Sedirisiwa sa twantsha tsholo' se kaya sedirisiwa se se ikaeletsweng go sireletsa moepo se e leng karolo ya, se golagane le, se tshwaragantswe le kana se beilwe ka fa tlase ga moepo le se se rotloetsegang fa maiteko a dirwa go tshwenyana le kana ka tsela e nngwe ka maikaelelo go tshwaya moepo.
'Phetiso' e ama, mo tlaleletsong kwa motsamaong wa sebele wa meepo ya twantsha motho go ya mo kana go tswa nageng ya bosetšhaba, phetiso ya kana go ya go le taolo mo meepong mme e sa ame phetiso ya naga e e tshotseng meepo ya twantsha motho ya lefelo.
'Eria ya moepo' e kaya eria e e kotsi ka ntlha ya go nna teng kana go nna teng go go belaelwng ga meepo.
Go sa lebalwe ditlamorago tsa kakaretso ka fa tlase ga Athikele 1, go tshola kana phetiso ya puso ya meepo ya twantsha motho mo go tlhabololeng le go katiseng talelo ya moepo, kgololo ya moepo, kana dithekeniki tsa tshenyo ya meepo e dumeletswe. Boleng ba meepo e e jalo ga bo ne ba feta palo ya minimamo o o tlhokegang gotlhelele mo mabakeng a a boletsweng fa godimo.
Kwa ntle ga jaaka go tlametswe mo Athikeleng 3, Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o ikana go senya le go netefatsa tshenyo ya bobolokelo ba meepo ya twantsha motho e e leng yona kana o na nayo, kana a a ka fa tlase ga taolelo kana taolo, ka bonako bo bo kgonegang mme e seng morago ga dingwaga tse nne morago ga tseno go ya matsholong a Tumalano e ya Mokgatlho wa Naga.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o ikana go senya kana go netefatsa tshenyo ya meepo ya twantsha motho mo dierieng tsa moepo ka fa tlase ga taolelo le taolo ya yona, ka bonako bo bo kgonegang fela e seng morago ga dingwaga di le lesome morago ga tseno mo tirisong ya Tumalano ya Mokgatlho wa Naga.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o tla dira matsapa otlhe go lemoga dieria tsotlhe ka fa tlase ga taolelo kana taelo ya ona e mo go yona meepo ya twantsha motho e itsegeng kana e belaelwang go sutisiwa mme e tla netefatsa ka bonako ka fa go kgonegang gore meepo yotlhe ya twantsha motho mo dierieng tsa moepo ka fa tlase ga taolelo le taolo di tshwailwe go ya ka pherimetara, di tlhokometswe le go sirelediwa ka go agelela kana mekgwa e mengwe, go netefatsa kgapelontle e e nonofileng ya baagi, go fitlha meepo yotlhe ya twantsha motho e e tshotsweng foo e sentswe. Go tshwaiwa go tla nna bogolo ga ya ka maemo a a tlhomilweng mo Phorotokolong kana Dikiletsong kana Dithibelo mo Tirisong ya Meepo, Dirai tsa Bobi le Didirisiwa tse Dingwe, jaaka go mametleletswe ka di 3 Motsheganong 1996, e e mametleletsweng mo Tumalanong kana Dikiletso kana Dithibelo mo Tirisong ya Dibetsa Dingwe tse di Rileng tsa Tlwaelo Tse di ka Tsewang go nna Kotsi go Feta kana go Nna le Ditlamorago tse di Gotlhe.
Fa Mokgatlho wa Naga o dumela gore ga o ne o kgona go senya kana go netefatsa tshenyo ya meepo ya twantsha motho e go buiwang ka yona mo temaneng 1 mo nakong eo, e ka isa kopo kwa Kopanong ya Mekgatlho ya Dinaga kwa Khonferenseng ya Thadiso go Katoloso letlha la bofelo la go feleletsa tshenyo, ya meepo ya twantsha motho e e jalo, ka nako e e ka fitlhang go dingwaga tse di lesome.
c Ditlamorago tsa setho. Loago, ikonomi le tikologo tsa katoloso; le d Tshedimosetso efe e nngwe e e maleba mo kopong ya katoloso e e tshisintsweng.
Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga kana Khonferense ya Thadiso e tla, go lebelelwa mabaka a a tshotsweng mo temaneng 4, tlhatlhoba kopo mme o swetse ka bontsi ba dibouto tsa Mekgatlho ya Dinaga tse di leng teng le go bouta gore a o aba kopo ya katoloso ya nako.
Katoloso e e jalo e ka ntšhafadiwa ka go dira kopo e ntšha go ya ka ditemana 3.4 le 5 ya Athikele e. Mo go kopeng katoloso ya nako e e tswelelang Mokgatlho wa Naga o tla tlisa tshedimosetso ya tlaleletso e e maleba ka se se dirilweng mo nakong ya katoloso e e fetileng go latela Athikele e.
Mo go diragatseng maikaelelo ka fa tlase ga Tumalano Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o na le tshwanelo go batla le go amogela thuso, fa go kgonegang, go tswa Mekgatlhong ya dinaga tse dingwe go fitlha fa go kgonegang.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o ikana go tsamaisa mme o tla nna le tshwanelo go tsaya karolo mo thefosanong e e tletseng e e kgonegang ya sedirisiwa, matheriale le tshedimosetso ya saense le thekenoloji malebana le tiragatso ya Tumalano e. Mekgatlho ya Dinaga ga e ne e gatelela dithibelo tse di sa tlhokegeng mo tlamelong ya sedirisiwa sa kgololo ya moepo le tshedimosetso e e amanang le thekenoloji mo mabakeng a setho.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o o mo maemong go dira jalo o tla tlamela thuso ya tlhokomelo le tsosoloso le kopanyo ya loago le ikonomi, tsa batswasetlhabelo ba moepo le mananeo a tlhokomediso ya moepo. Thuso e e jalo e ka tlamelwa, gareng ga tse dingwe, ka tsela ya Ditšhaba tse di Kopaneng, boditšhabatšhaba, kgaolo kana mekgatlho ya bosetšhaba kana ditheo, komiti ya boditšhabatšhaba ya sefapaano se se Hubedu, Sefapaano se se Hubedu sa boditšhaba le mekgatlho ya Sekangwedi se se Hubedu le Tshwaragano ya Boditšhaba, mekgatlho e e seng ya mmuso, kana mo theong ya matlhakore a mabedi.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o o mo maemong a go dira jalo o tla tlamela thuso ya kgololo ya moepo le ditiro tse di amaneng. Thuso e e jalo e ka tlamelwa, ka go rialo, ka tsela ya Ditšhaba tse di Kopaneng, boditšhabatšhaba kana mekgatlho ya dikgaolo kana ditheo, mekgatlho e e seng ya mmuso kana ditheo, kana mo theong ya matlhakore a mabedi, kana ka go aba kwa Letloleng la Ditšhaba tse di Kopaneng la Boithaopo la Thuso mo Kgololong ya Moepo, kana matlole a kgaolo a mangwe a a dirang ka meepo.
Mokgatlho wa Naga o mongwe le o mongwe mo maemong a go dira jalo o tla tlamela thuso kwa tshenyong ya meepo ya twantsha motho ya bobolokelo.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o ikana go tlamela tshedimosetso kwa sefalaneng sa kgololo ya moepo se se tlhomilweng mo tseleng ya Ditšhaba tse di Kopaneng, segolo tshedimosetso e e malebana le mekgwa e e farologaneng le dithekenoloji tsa kgololo ya moepo, le manane a baitseanape kana dintlha tsa boditšhaba tsa kgolagano mo kgololong ya moepo.
f Kamano magareng ga Mmuso wa Mokgatlho wa Naga o o amegang le mmuso, kopano ya mebuso e e maleba, kana dikarogano tse e seng tsa mmuso tse di tla dirang mo go diragatseng lenaneo.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o o nayang le go amogela thuso ka fa tlase ga tlamelo ya Athikele o tla dirisana le pono e e netefatsang tiragatso e e tletseng e e bonako ya mananeo a thuso a a dumalanweng.
b Bogotlhe ba meepo yotlhe ya twantsha motho ya bobolokelo e e leng ya kana e le ya yona, ka fa tlase ga taolelo kana go tsenyeletsa thubego ya mofuta, boleng le, fa go kgonega palo e ntsi ya mofuta mongwe le mongwe wa bobolokelo ba moepo wa twantsha motho.
c Go fitlha fa go kgonegang, lefelo la mafelo otlhe a meepo a a tshotseng, kana a belaelwa go tshola, moepo wa twantsha motho ka fa tlase ga taolelo kana taolo, go tsenyeletsa dintlha tse dintsi jaaka gokgonega malebana le mofuta le boleng ba mofuta ofe kana ofe wa moepo wa twantsha motho mo erieng ya moepo mongwe le mongwe le fa di ne di tlosiwa.
d Mefuta, boleng le, fa go kgonega, dipalo tse dintsi, tsa meepo yotlhe ya twantsha motho e e tshotsweng kana e fetiseditswe tlhabololo ya katiso mo temogong ya moepo, kana phetiso ka mabaka a tshenyo, mmogo le ditheo tse di dumeletsweng ke Mokgatlho wa Naga go tshola kana go fetisa meepo ya twantsha motho, go ya ka Athikele 3.
h Diponagalo tsa bothekeniki tsa mofuta ofe kana ofe mongwe le mongwe wa moepo wa twantsha motho tse di tlhagisiwang, go fitlha fa go itsegeng, le tseo tse jaanong e leng tsa kana di ruilwe ke Mokgatlho wa Naga, go neela, fa go kgonegang, ditlhopha tse di jalo tsa tshedimosetso jaaka fa go ka tsamaisa temogo le kgololo ya moepo wa twantsha motho, kwa minimamong, tshedimosetso e, e tla tsenyeletsa ditekanyo, go kopanya, diteng tsa dithuthupi, diteng tsa tshipi, ditwantsho tsa mebala le tshedimosetso e nngwe e e ka tsamaisang kgololo ya moepo; le i Dikelo tse di tserweng go tlamela kgalemo ya ka bonako e e nonofileng kwa setšhabeng malebana le dieria tsotlhe tse di lemogilweng ka fa tlase ga temana 2 ya Athikele 5.
Tshedimosetso e e tlametsweng go ya ka Athikele e e tla tlalelediwa ke Mekgatlho ya Dinaga ka ngwaga, go akaretsa khalentara ya bofelo ya ngwaga, le go begela Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba tse di Kopaneng e seng morago ga di 30 Moranang ngwaga mongwe le mongwe.
Mekgatlho ya Naga e dumela go buisana le go dirisana le e mengwe malebana le tiragatso ya ditlamelo tsa Tumalano, le go dira mmogo ka mowa wa tirisanommogo go tsamaisa tsamaelano ka Mekgatlho ya Dinaga ka maikaelelo a yona ka fa tlase ga Tumalano.
Fa Mokgatlho wa Naga o le mongwe kana go feta o eletsa go tlhalosa le go batla go rarabolola dipotso tse di amanang le tsamaelano le ditlamelo tsa Tumalano, ka Mokgatlho wa Naga o mongwe, o ka tlisa, ka Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba tse di Kopaneng, Kopo ya Tlhaloso ya Morero kwa Mokgatlhong wa Naga. Kopo e e jalo e tla felegediwa ke tshedimosetso e e maleba. Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o tla emela kgakala le Dikopo tsa Tlhaloso tse di sa itsiweng, tlhokomelo e tsewa go thibela tshotlako. Mokgatlho wa Naga o o amogelang Kopo ya Tlhaloso o tla tlamela ka Mokwaledi Kakarteso wa Ditšhaba tse di Kopaneng, mo malatsing a le 28 kwa kopanong ya Mokgatlho wa Naga tshedimosetso yotlhe e e ka thusang mo go tlhaloseng morero o.
Fa Mokgatlho wa Naga o o kopang o sa amogele karabo ka Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba tse di Kopaneng mo nakong eo, kana o bona karabo kwa Kopong ya Tlhaloso e sa kgotsofatse, o ka nna wa tlisa morero ka Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba tse di Kopaneng go ya Kopanong e e latelang ya Mekgatlho ya Dinaga. Mokwaledi Kakarteso wa Ditšhaba tse di Kopaneng o tla tsamaisa lokwalo, le felegeditswe ke tshedimosetso yotlhe e e maleba e e tsamaelang le Kopo ya Tlhaloso, go ya Mekgatlhong ya Dinaga. Tshedimosetso yotlhe e e jalo e tla tlhagisiwa kwa Mokgatlhong wa Naga o o kopiwang o o nang le tshwanelo go araba.
Go ikaegilwe ka go tsena ga kopano efe ya Mekgatlho ya Naga, nngwe le nngwe ya Mekgatlho ya Dinaga e e amegang e ka kopa Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba tse di Kopaneng go diragatsa ofisi ya gagwe go tsamaisa tlhaloso e e kopilweng.
Mokgatlho wa naga o o kopang o ka nna wa tshisinya ka Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba tse di Kopaneng go tsena ga Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga go sekaseka morero. Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba tse di Kopaneng o tla tlhaeletsana tshisinyo mme tshedimosetso yotlhe e e tlisiwang ke Mekgatlho ya Dinaga tse di maleba, kwa Mekgatlhong ya Dinaga ka kopo gore ba bontshe gore a ba rata Kopano e e kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga, ka lebaka la go sekaseka morero. Mo tiragalong e e leng gore malatsi a le 14 go tloga letlheng la tlhaeletsano e e jalo, bogolo nngwe tharong ya Mekgatlho ya Dinaga e rata Kopano e e Kgethegileng, Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba tse di Kopaneng o tla bitsa Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga mo malatsing a le 14 a a latelang. Khoramo ya Kopano e tla nna le bontsi ba Mekgatlho ya Dinaga.
Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga kana Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga, jaaka e kgetsi e ka laolela, e tla tlhomamisa gore a go sekasekwe morero go ya pele, go lebelelwa tshedimosetso yotlhe e e tlisitsweng ke Mekgatlho ya Naga e e amegang. Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga kana Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Naga e tla dira matsapa otlhe go fitlhelela tshwetso ka tumalano. Fa e le gore le ka matsapa otlhe go fitlha foo ga go tumalano e e fitlheletsweng, go tla tsewa tshwetso ka bontsi ba Mekgatlho ya Dinaga e e teng e bouta.
Mekgatlho ya Dinaga yotlhe e tla dirisana ka botlalo le Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga kana Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga mo go tlaleletseng thadiso ya yona ya morero, go akarediwa maikaelelo afe a go batlana le dintlha a a dumeletsweng go ya ka temana 8.
Fa tlhaloso e e tswelelang e tlhokega, Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga kana Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga e tla dumelela borongwa ba go batlana le dintlha le go swetsa ka kemedi ya yona ka bontsi ba Mekgatlho ya Dinaga e e leng teng le go bouta. Ka nako efe kana efe Mokgatlho wa naga o o kopiwang o ka nna wa laletsa maikaelelo a go batlana le dintlha kwa nageng ya teng. Borongwa bo bo jalo bo tla diragala kwa ntle ga tshwetso ya Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga go dumelela maikaelelo a a jalo. Maikaelelo a a tshotseng bomaitseanape ba ba ka nnanag 9, ba tlhomilwe le go rebolwa go ya ka ditemana 9 le 10 a ka kgobokanya tshedimosetso e e oketsegileng ka nako eo mo mafelong a mangwe a a amanang ka tlhamalalo le morero wa tsamaiso e e akanngwang ka fa tlase ga taolelo kana taolo ya Mokgatlho wa Naga o o kopiwang.
Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba tse di Kopaneng o tla siamisa le go feleltsa lenane la maina, ditšhaba le data e nngwe e e maleba ya bomaitseanape ba ba rutegileng ba ba tlamelwang ke Mekgatlho ya Dinaga. Moitseanape ofe yo o tsentsweng mo lenaneng le o tla tsewa jaaka yo o tlhomilweng mo maikaelelong otlhe a go batlana le dintlha kwa ntle ga fa Mokgatlho wa Naga o bolela go sa dumeleng ga ona ka go kwala. Mo tiragalong ya go sa dumele, moitseanape ga a ne a tsaya karolo mo borongweng ba go batlana le dintlha mo nageng kana lefelo lefe le le lengwe ka fa tlase ga taolelo kana taolo ya Mokgatlho wa Naga o o ganetsang, fa go sa dumele go ne go builwe pele ga tlhomo ya moitseanape wa maikaelelo a a jalo.
Mo go amogeleng kopo go tswa Kopanong ya Mekgatlho ya Dinaga kana Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Naga, Mokwaledi Kakaretso wa Dinaga tse di Kopaneng o tla re morago ga dipuisano le Mokgatlho wa Naga o o kopilweng, a tlhoma maloko a borongwa go akarediwa moeteledipele wa teng. Mekgatlho ya Dinaga tsa boditšhabatšhaba tse di kopang borongwa ba go batlana le dintlha kana ka tlhamalalo e amilwe ke ona ga e ne e tlhomiwa mo borongweng. Maloko a borongwa a go batlana le dintlha a tla itumelela ditshwanelo le ditshoutiso ka fa tlase ga Athikele V ya Tumalano mo Ditshwanelong le Ditshoutisong tsa Mekgatlho e e Kopaneng, e e terweng ka di 13 Tlhakole 1946.
Mo godimo bogolo ga kitsiso ya dirwa tse 72, maloko a borongwa a go batlana le dintlha a tla goroga mo nageng ya Mokgatlho wa Naga o o kopilweng kwa tšhonong ya ka pele. Mokgatlho wa naga o o kopilweng o tla tsaya dikaelo tsa botsamaisi tse di tlhokegang go amogela, go palamisa, le go neela bonno maikaelelo, mme o tla rwala maikarabelo a go netefatsa pabalesego ya borongwa go fitlha makisimamong o o kgonegang fa ba le mo nageng ka fa tlase ga taolo.
Kwa ntle ga ketsaketsego ya boikemelo ba Mokgatlho wa Naga o o kopilweng, borongwa ba go batlana le dintlha bo ka nna ba tlisa mo nageng ya Mokgatlho wa Naga o o kopilweng sedirisiwa se se tlhokegang se se tla dirisiwang fela go kgobokanya tshedimosetso mo morerong wa tsamaiso e e akanngwang. Pele ga kgorogo, borongwa bo tla gakolola Mokgatlho wa Naga o o kopilweng ka sedirisiwa se ba ikaeletseng go se dirisa mo tseleng ya ona ya borongwa ba go batlana le dintlha.
Mokgatlho wa Naga o o kopileng go tsaya matsapa go netefatsa gore borongwa ba go batlana le dintlha bo newa tšhono go bua le batho botlhe ba ba maleba ba gongwe ba ka kgonang go tlamela tshedimosetso e e amanang le morero wa tsamaisano o o akanngwang.
Mokgatlho wa Naga o o kopilwang o tla naya phitlhelelo kwa borongweng ba go batlana le dintlha go ya dierieng tsotlhe le go tsenya ka fa tlase ga taolo koo dintlha tse di maleba le morero wa tsamaisano o ka solofelwang go tsewa.
b Tshireletso ya maikano afe a semolaotheo a Mokgatlho wa Naga o a kopileng malebana le ditshwanelo tsa kgono, diphuruphutso le dikgapo, kana ditshwanelo tse dingwe tsa semolaotheo; kana c Tshireletso ya sebopego le pabalesego ya maloko a borongwa a go batlana le dintlha.
Mo lebakeng la gore Mokgatlho wa Naga o o kopilweng o dira dithulaganyo tse di jalo, o tla dira matsapa a a utlwalang go bontsha ka mekgwa ya thefosano tsamaisano ya temg le Tumalano.
Borongwa ba go batlana le dintlha bo ka sala mo nageng ya Mokgatlho wa Naga o o amegang e seng go feta malatsi a le 14, mme kwa lefelong le le rileng e seng go feta malatsi a le 7, kwa ntle le fa go dumalanwe ka tsela e nngwe.
Tshedimosetso yotlhe e e tlametsweng mo sephiring mme sa amane le diteng tsa borongwa tsa go batlana le dintlha bo tla tsholwa mo theong ya sephiri.
Borongwa ba go batlana le dintlha bo tla begela, ka Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba tse di Kopaneng, kwa Kopanong e e Kgethegileng ya Mokgatlho ya Dinaga dipoelo tsa diphitlhelelo tsa teng.
Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga kana Kopano e e Kgethegileng, ya Mokgatlho ya Dinaga e tla sekaseka tshedimosetso yotlhe e e maleba, go akarediwa pegelo e e tlisitsweng ka borongwa ba go batlana le dintlha, mme ba ka kopa Mokgatlho wa Naga o o kopilweng go tsaya dikgato go lebelela morero wa tsamaisano mo nakong e e tlhalositsweng. Mokgatlho wa Naga o o kopilweng o tla begela ka dikgato tsotlhe tse di tserweng mo karabong ya kopo e.
Kopano ya Mokgatlho ya Dinaga kana Kopano e e Kgethegileng ya Mokgatlho ya Naga e ka tshisinya kwa Mekgatlhong ya Dinaga ditsela tse di amegang le ditsela go tswelela go tlhalosa kana go rarabolola moruo o o sekasekilweng, go akarediwa tshimololo ya ditsela tse di maleba go dumalana le molao wa boditšhabatšhaba. Mo mabakeng a foo morero o o fa isong o o tlhomamisiwang go nna go ya ka mabaka ka kwa ntle ga taolo ya Mokgatlho wa Naga o o kopilweng, Kopano ya Mekgatlho ya Naga kwa Kopanong e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Naga e ka tshisinya dikelo tse di maleba, akarediwa tiriso ya dikgato tsa tirisanommogo e e boletsweng mo Athikeleng 6.
Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga kana Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga e tla tsaya matsapa go fitlhelela ditshwetso tsa teng tse di boletsweng mo ditemaneng 18 le 19 ka tumalano, e seng jalo ka pedi tharong ya bontsi ba Mekgatlho ya Dinaga tse di leng teng di bouta.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o tsaya dikgato tdotlhe tse di maleba tsa semolao, tsamaiso le tse dingwe, go akarediwa thweso morwalo ya kotlhao ya tumalano, go thibela le go gatelela tiro efe e e ilediwang ke Mokgatlho wa Naga ka fa tlase ga Tumalano e e dirwang ke batho kana mo nageng ka fa tlase ga taolelo kana taolo ya teng.
Mekgatlho ya Dinaga e tla buisana le go dirisana le yo mongwe go siamisa dingangisano tse dife tse di ka tsogang malebana le kopo kana thanolo ya Tumalano e. Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o ka tlisa ngangisano efe e e jalo pele ga Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga.
Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga e ka nna le seabe mo tshiamisong ya ngangisano ka mokgwa ofe o o bonwang o le maleba, go akarediwa go neelana ka diofisi tse di siameng, go biletsa Mekgatlho ya Dinaga kwa ngangisanong go simolola ka tsamaisano ya tumalano ya tlhopho ya bona le go atlenegisa tekanyetso ya nako ya tsamaiso efe e e dumalanweng.
Athikele e e kwa ntle ga kgobelelo mo tlamelong ya Tumalano mo tsamaisong le tlhalosong ya tsamaisano.
e Tliso ya Mekgatlho ya Dinaga ka fa tlase ga Athikele 8; le f Ditshwetso tse di amanang le ditliso tsa Mekgatlho ya Dinaga jaaka go tlametswe mo Athikeleng 5.
Kopano ya ntlha ya Mekgatlho ya Dinaga e tla bidiwa ke Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba tse di Kopaneng mo ngwageng o le mongwe morago ga tseno mo tirisong ya Tumalano e. Dikopano tse di latelang di tla bidiwa ke Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba Kopano ka ngwaga go fitlha Khonferense ya ntlha ya Thadiso.
Ka fa tlase ga maemo a a beilweng mo Athikeleng 8, Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba Kopano o tla bitsa Kopano e e Kgethegileng ya Mekgatlho ya Dinaga.
Dinaga e seng mekgatlho kwa Tumalanong, mmogo le Ditšhaba tse di Kopaneng, mekgatlho e mengwe e e maleba ya boditšhabatšhaba kana ditheo, mekgatlho ya dikgaolo, Komiti ya Boditšhabatšhaba ya Sefapaano se se Hubedu le mekgatlho e mengwe e e maleba e e seng ya mmuso e ka lalediwa go tsenela dikopano tse jaaka babogedi go ya ka Melao e e dumalanweng ya Tsamaiso.
Khonferense ya Thadiso e tla bidiwa ke Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba Kopano dingwaga tse tlhano morago ga tseno mo tirisong ya Tumalano e. Dikhonferense tse dingwe tsa Thadiso di tla bidiwa ke Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba Kopano fa go tlhokiwa ke a le mongwe kana go feta wa Mekgatlho ya Dinaga, fa fela boikhutso magareng ga Dikhonferense tsa Thadiso ga di ne di nna kwa tlase ga dingwaga tse tlhano. Mekgatlho yotlhe ya Dinaga mo Tmalanong e e tla lalediwa kwa Khonferenseng nngwe le nngwe ya Thadiso.
a Go thadisa tiro le maemo a Tumalano e.
b Go sekaseka tlhokego ya le boikhutso magareng ga Dikopano tse dingwe tsa Mekgatlho ya Dinaga e e boletsweng mo temaneng ya 2 ya Athikele 11.
Dinaga tse e seng mekgatlho ya Tumalano e, mmogo le Ditšhaba Kopano, mekgatlho e mengwe e e maleba ya boditšhabatšhaba kana ditheo, mekgatlho ya dikgaolo, Komiti ya Boditšhabatšhaba ya Sefapaano se se Hubedu le mekgatlho e mengwe e e maleba e e seng ya mmuso e ka lalediwa go tsenela Khonferense ya Thadiso nngwe le nngwe jaaka babogedi go ya ka Melao e e dumalanweng ya Tsamaiso.
Ka nako nngwe le nngwe morago ga tseno mo tirisong ya Tumalano Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o ka tshisinya dimametlelelo mo Tumalanong e. Tshisinyo efe kana efe ya mametleleo e tla tlhaelediwa kwa Mmeletsing, yo o tla e tsamaisang kwa Mekgatlhong yotlhe ya Dinaga mme o tla batlana le dikakanyo tsa yona mo go reng a Khonferense ya Mametlelelo e tshwanetse go bidiwa go sekaseka tshisinyo fa bontsi ba Mekgatlho ya Dinaga e itsise Mmeletsi e seng morago ga malatsi a le 30 morago ga tsamaiso ya teng gore e tshegetsa tshekatsheko ya tshisinyo, Mmeletsi o tla bitsa Khonferense ya Mametlelelo e kwa go yona Mekgatlho yotlhe ya Dinaga e tla lalediwang.
Dinaga tse e seng mekgatlho ya Tumalano e, mmogo le Ditšhaba Kopano, mekgatlho e mengwe e e maleba ya boditšhabatšhaba kana ditheo, mekgatlho ya dikgaolo, Komiti ya Boditšhabatšhaba ya Sefapaano se se Hubedu le mekgatlho e mengwe e e maleba e e seng ya mmuso e ka lalediwa go tsenela Khonferense ya Thadiso nngwe le nngwe jaaka babogedi go ya ka Melao e e dumalanweng ya Tsamaiso.
Khonferense ya Mametlelelo e tla tshwarwa ka bonako go latela Kopano ya Mekgatlho ya Dinaga kana Khonferense ya Thadiso kwa ntle le fa bontsi ba Mekgatlho ya Dinaga di kopa gore e tshwarwe e sale gale.
Mametlelelo efe kana efe mo Tumalanong e e tla tsewa ke bontsi ba pedi tharong ya Mekgatlho ya Dinaga le go bouta kwa Khonferenseng ya Mametlelelo. Mmeletsi o tla tlhaeletsana mametlelelo efe kana efe e e tserweng kwa Mekgatlhong ya Dinaga.
Mametlelelo mo Tumalanong e tla tsena mo tirisong mo Mekgatlhong yotlhe ya Dinaga tsa Tumalano e tse di e eamogetseng, mo peeletsong le Mmeeletsi wa didirisiwa tsa kamogelo ka bontsi ba Mekgatlho ya Dinaga. Morago ga foo e tla tsenela mo tirisong Mokgatlho wa Naga ofe kana ofe ka letlha la peeltso ya sedirisiwa sa kamogelo.
Ditshenyegelo tsa Dikopano tsa Mekgatlho ya Dinaga, Dikopano tse di Kgethegileng tsa Mekgatlho ya Dinaga, Dikhonferense tsa Thadiso le Dikhonferense tsa Mametlelelo di tla rwalwa ke Mekgatlho ya Dinaga le Dinaga e seng mekgatlho mo Tumalanong e e tsayang karolo, go ya ka sekale sa Dinaga tse di Kopaneng se tlhatlhoba se se lekanyeditsweng sentle..
Ditshenyegelo tse di bonweng ke Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba Kopano ka fa tlase ga Athikele 7 le 8 le ditshenyegelo dife kana dife tsa borongwa ba go batlana le dintlha di tla rwalwa ke Mekgatlho ya Dinaga go ya ka sekale sa tlhatlhobo sa Ditšhaba Kopano se se lekanyeditsweng sentle.
Tumalano e, e e dirilweng kwa Oslo, Norway ka di 18 Lwetse 1997, e tla bulelwa ditshaeno kwa Ottawa, Canada, ka Dinaga tsotlhe go tloga di 3 Sedimonthole 1997 le kwa Dikotaseng tse dikgolo tsa Ditshaba Kopano kwa New York go tloga di 5 Sedimonthole 1997 go fitlha tsenong ya yona mo tirisong.
Tumalano e ikaegile ka tshiamiso, kamogelo le thebolo ya Ditshaeno.
E tla bulelwa phitlhelelo ke Naga efe kana efe e e sa saenang Tumalano.
Didirisiwa tsa tshiamiso, kamogelo, thebolo le phitlhelelo di tla beelediwa le Mmeeletsi.
Tumalano e a tsena mo tirisong ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya borataro morago ga kgwedi e mo go yona sedirisiwa sa bo 40 sa tshiamiso, kamogelo, thebolo kana phitlheleloe e beeleditsweng.
Mo Nageng ngwe le nngwe e e tsayang sedirisiwa sa yona sa tshiamiso, kamogelo, thebolo le phitlhelelo, Tumalano e e tla tsena mo tirisong ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya borataro morago ga letlha le mo go lona Naga e beileng sedirisiwa sa yona sa tshiaimiso, kamogelo, thebolo kana phitlhelelo.
Naga efe kana efe ka nako ya tshiamiso, ya kamogelo, thebolo kana phitlhelelo ya yona, e kaya gore e tla dirisa temana 1 ya Athikele 1 nakwana ya Tumalano e e ikaegileng ka go tsena ga yona mo tirisong.
Diathikele tsa Tumalano e ga di ne di ikaega ka dipeeletso.
Tumalano e e tla nna ya nako e e sa lekanyediwang.
Mokgatlho wa Naga mongwe le mongwe o tla, mo go direng boikemelo ba setshaba, o na le tshwanelo go ikgogela morago go tswa Tumalanong e, o tla neela kitsiso ya ikgogelomorago e e jalo kwa Mekgatlhong yotlhe e mengwe ya Dinaga, kwa Mmeeletsing le kwa Lekgotleng la Tshireletso ya Ditšhaba tse di Kopaneng. Sedirisiwa se se jalo sa ikgogelomorago se tla tsenyeletsa tlhaloso e e tletseng ya mabaka a a tshegetsang kgogelomorago e.
Ikgogelomorago e e jalo e diragala fela dikgwedi tse thataro morago ga kamogelo ya sedirisiwa sa kgogelomoragp ka Mmeeletsi. Ka gale, fa ka nako ya go feta ya dikgwedi tse thataro, Mokgatlho wa Naga, o oikgogelang morago o amegile mo thulanong ya dibetsa kgogelomorago ga e ne e diragala pele ga bofelo ba thulano ya dibetsa.
Kgogelomorago ya Mokgatlho wa Naga go tswa Tumalanong e, ga e ne ka tsela epe e ama tiro ya Dinaga go tswelela go diragatsa maikaelelo a a akantsweng ka fa tlase ga melawana efe e e maleba ya molao wa boditšhaba.
Mokwaledi Kakaretso wa Dinaga Kopano o tlhomiwa fano jaaka Mmeeletsi wa Tumalano.
Tshimologo ya Tumalano e, e ka yona dithekese tsa Maarabia, Matšhaena, Maesimane, Maforanse, Marašia le Masepeniše ke tsa nnete ka go lekana, di tla beelediwa le Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba Kopano.
<fn>tsn_Article_National Language Services_MOTLHAGOLATSELA (2001).txt</fn>
Dimametlelelo tsa Molawana wa Molao wa Thuso ya Loago No. 59 wa 1992, go diragatswa go simolola ka la 1 Sedimonthole 2001, di dira tshiamelo ya go tlhomiwa ga dipanele tsa tshekatsheko, tse maloko a tsone a tla supiwang ke Mokaedikakaretso, go sekaseka tshedimosetso le go tlhomamisa bogole le tlhokomelo ya boikaego ka maikemisetso a go neelana ka dikabelo.
Go netefatsa gore tshekatsheko ya bogole le tlhokomelo ya boikaego e dirwa ka mokgwa o o fitlhelelwang, o o botsalano le o o bolokang madi.
Go bebofatsa tshwaragano ya ditirelo tsa loago le thuso ya loago go netefatsa gore batho ba bona ditirelo tse di lolameng.
Go romela batho kwa metsweding mengwe go bona thuso fa e le teng.
Go netefatsa gore ditshekatsheko di konoseditswe le go romelwa kwa ofising e e maleba go dirana le kopo mo sebakeng se se kailweng ke Lefapha.
Go tlamela mokopi tshedimosetso e e maleba go tlatsa kopo ya kabelo.
Maloko a panele a tla kgotsofatsa ditlhokego tsa Molawana 2 (a) wa Melawana ya Molao wa Thuso ya Loago No. 59 wa 1992 jaaka o mametleletswe go simolola ka la 1 Sedimonthole 2001.
Motlhanedimogolo wa tshireletso ya loago.
Moalafi ka tsosoloso mooki, modirediloago, moalafi wa tiro, wa saekholoji, wa kutlo le pono.
Moemedi go tswa kwa lekaleng la bogole kgotsa leloko le le tlotlegang la setšhaba e bong moruti, kgosi, magiseterata, kgotsa motho yo o itseng setšhaba le maemo a sona iv. Ma/leloko mangwe le mangwe a tlaleletso, fa go tlhokega, jaaka go ka nna maleba mo kopong e e riling e bong ya ngaka kgotsa ngaka e e kgethegileng, saekhaetrisiti, badiredi ba tsa boitekanelo, ngaka ya setso, go umaka maloko a a mmalwa fela.
Lefapha le tla tlamela tshegetso e e botlhokwa ya tsamaiso.
E nna modulasetilo wa dikopano.
Go bebofatsa katiso ya maloko a panele.
Go netefatsa rekhoto e e nepagetseng ya tsamaiso ya dikopano tsa dipanele.
Go netefatsa go fediwa ga ditshekatsheko ka nako.
Go bebofatsa dithulaganyo tsa mokopi, fa go ka tlhokega tshedimosetso e nngwe, go konosetsa tshekatsheko.
Go netefatsa tiragatso ya kopo ka nako. Motlhankedi o tshwanetse go ikgolaganya le badirammogo ba gagwe mo ofising go netefatsa gore dikopo tsa batho ba ba tlaleditsweng diforomo tsa tshekatsheko di diragaditswe.
Go dira jaaka mogokaganyi magareng ga maloko a panele le Lefapha.
Ke moitseanape mo paneleng tebang le tshekatsheko ya bogole or tlhokomelo ya boikaego.. Moalafi o tla sekaseka tshedimosetso le kgotsa a tlhatlhobe mokopi, mme a dire tshwetso e e siameng ka ga bogole jwa kgotsa tlhokomelo ya boikaego ya mokopi.
Moalafi o tshwanetse go netefatsa gore diforomo di tladiwa ka nepagalo le ka nako tebang le bogole kgotsa tlhokomelo ya boikaego.
Moemedi wa lephata la bogole kgotsa leloko la setšhaba le le tlhaloganyang setšhaba le maemo a sone o tshwanetse go netefatsa gore mokopi o itemogela mathata a bogole kgotsa tlhokomelo ya boikaego.
Go netefatsa go konesediwa ga tshekatsheko ka nako.
Go bebofatsa go fitlhelwa ga panele ke setšhaba ka go neelana ka tshedimosetso ya gore go ka fitlhelelwa jang batho segolo thata bao go leng boima go ba sekaseka, ba ba nnetseng ruri kwa gae kgotsa ba ba tlhokang, mme ba se na kitso ka ga kabelo.
iv. Ma/leloko la tlaleletso e ka nna ngaka ya setso, ngaka, moalafi kgotsa moitseanape go tswa lephateng lengwe le lengwe.
Ngaka e a sekaseka, mme e dire dikatlanegiso ka ga bothata jo bo tlholang bogole kgotsa tlhokomelo ya boikaego jwa nakwana kgotsa jwa leruri jwa mokopi.
Go netefatsa go konosediwa ga tshekatsheko ka nako.
Go netefatsa gore go neelwa mabaka a a tlhomameng tebang le katlanegiso e e riling.
Go tlamela tshedimosetso ya gore bothata bo ka laolwa, ba baakangwa kgotsa ba fodisiwa jang.
Panele e tla dirwa bonyane ke maloko a le 3 le bontsi jwa maloko a le 6.
Dipanele di ka supiwa go phatlhalala le setereke kgotsa kgaolo kgotsa di ka supiwa kwa lefelong le le lengwe mme tsa dikologa dikgaolo kgotsa ditereke ka dipaka tse di tlhomameng kgotsa tse di farologaneng. Porofense e tla tlhomamisa mokgwa wa tiragatso o o bokgoni le o o maleba go latela maemo a yona a a kgethegileng.
Tlhogo ya Lefapha e tshwanetse go rebola go supiwa ga maloko a panele. Maloko a panele a ka supiwa ke Tlhogo ya Lefapha ka dikatlanegiso go tswa kwa mekgatlhong ya setšhaba, baeteledipele ba setšhaba kgotsa batho ba ba nang le kgatlhego.
Maloko a a thapilweng leruri ke Lefapha a tla dira sebaka se Tlhogo ya Lefapha a bonang se le maleba. Maloko a panele a a sa thapiwang ke Lefapha a ka dira sebaka sa dikgwedi di le 24, mme ba ka se supiwe go feta sebaka sa dipaka tse pedi ka tatelano.
Maloko a tshwanetse go nna le kitsonyana ka ga bogole kgotsa tlhokomelo ya boikaego.
Leloko le tshwanetse go itse kgotsa go itlwaetsa maemo a loago le ekonomi a kgaolo kgotsa setšhaba se a supiwang mo go sona.
Maloko a tshwanetse go ikemisetsa go tsenela dikatiso tse di rulagantsweng ke lefapha.
Batho ba ba ka se keng ba rweswa maikarabelo a ditiro tsa bone ka ntlha ya tlhaloganya e e sa itekanelang.
Batho ba ba tshwaretsweng bogodu, tsietso, bobodu kgotsa ditlolomolao tsa bosenyi kwa ntle ga melato ya pharakano.
Batho ba ba ganang go tsenela katiso e e rulagantsweng ke Lefapha.
Dikopano tsa dipanele di tla bidiwa ke Lefapha, le le tla neelanang le ka tshegetso e e tlhokegang. Lefelo la dikopano, matlha le tatelano ya dikopano di tla tlhomamisiwa, tsa netefadiwa le go itsisiwe mokopi ke Lefapha fa mokopi a ikgolaganya le Lefapha go dira kopo.
Tlhogo ya Lefapha e ka supa maloko a mangwe go dira mo paneleng, fa maloko a leruri a se teng. Mokgwa wa go supa maloko a mangwe e tla nna o o tshwanang le wa go supa maloko a leruri.
Leloko lengwe le lengwe le le ka lofang dikopano tse tharo ka tatelano, kgotsa a rola tiro o tla tswa mo botokololong, mme se, se tla pateletsa Tlhogo ya Lefapha go tlatsa phatlha ya penele ka bonako.
Maloko a tshwanetse go tsepama le go se tseye latlhakore mo dipuisanong tsa bone ka ga ditshekatsheko.
Maloko a tshwanetse go tshola dintlha tsotlhe tse go builweng ka ga tsone e le sephiri, segolo thata ditshwetso tse di tserweng le maina a batho ba ba sekasekiwang.
Maloko a tshwanetse go nna mo nakong kwa dikopanong, mme ba nne teng mo kopanong go fitlhela kwa bokhutlong jwa di/panele.
Maloko a tshwanetse go tsenela dikopano ka mogopolo o o itekanetseng.
Maloko a tshwanetse go itsise dikgatlhego tsa bone tebang le tshekatsheko, fa dikgatlhego tsa sebele di le teng kgotsa di ka nna teng.
Maloko a tshwanetse go senolela Lefapha maemo a bone ka botlalo tebang le temana 4.
Motlhanedi wa tshireletso ya loago gammogo le leloko lengwe le lengwe la panele ba tla rwala maikarabelo a bokgoni jwa panele. Panele, ka modulasetulo wa yona, motlhankedi wa tshireletso ya loago, e tla begela Tlhogo ya Tshireletso ya Loago ka ga mabaka a a tlhomamisistweng ke Tlhogo ya Tshireletso ya Loago, ka ga bokgoni le botswerere jwa panele. Tlhogo ya tshireletso ya Loago e tla tlhokomela ditiro tsa panele, tumalano ya yone le ditlwaelo tse di kailweng tebang le tshekatsheko le go romela kwa bathusing ba bangwe fa ba le teng. Dikatlanegiso tsotlhe tse di dirilweng ke panele di tshwanetse go rebolwa ke Tlhogo ya Lefapha. Maloko otlhe a panele a rwele maikarabelo a ditiro le ditshwetso tsa panele go Tlhogo ya Lefapha ka Motlhankedi wa tshireletso ya Loago le Tlhogo ya Tshireletso ya Loago ya Lefapha.
Dikatlanegiso tsotlhe le dintlha tsa panele di tla itsisiwe Tlhogo ya Lefapha ke motlhankedi wa tshireletso ya loago yo e leng modulasetulo wa panele ka Tlhogo ya Tshireletso ya Loago. Panele e tshwanetse go itsise motho kgotsa batlhokomedi ba motho yo o sekasekiwang ka ga dipholo tsa tshekatsheko go tswa kwa Lefapheng. Tlhogo ya eLefapha e tshwanetse go kwalela itsise mokopi dipholo dipholo tsa tshekatsheko le ditlamorago. Fa kopo e sa atlega kgotsa fa kabelo e neetswe mo nakong e khutshwane mokopi o tshwanetse go fiwa mabaka a teng, gammogo le tshwanelo ya go ka dira boikuelo kgatlhanong le tshwetso le go itsisiwe ka thulaganyo e a tshwanetseng go e sala morago fa a dira boikuelo. Tlhogo ya Tshireletso ya Loago ya Lefapha e tshwanetse go netefatsa gore dithulaganyo di siame go itsise batho ka ga go nna teng, sebaka le lefelo la di/panele tsa tshekatsheko. Se se ka dirwa ka bobegakgang, makwalo a a tlhamaletseng kgotsa phasalatso ya tshedimosetso ka manane, diphamfolete le ka puo ya molomo kwa diofising tsa disetereke, kwa mafelong a go golelwang kwa go ona, kwa Diofising tsa Poso le kwa mafelong a mangwe a a fitlhelelwang bonolo.
Ditshenyegelo tsotlhe tebang le dipanele di tshwanetse go rebolwa ke Tlhogo ya Lefapha go ya ka Molao wa Tsamaiso ya Ditšhelete tsa Setšhaba, Melawana ya teng le ditlwaelo tsa botsholamatlotlo.
Tshekatsheko ya Bogole kgotsa Tlhokomelo ya Boikaego: Motho a ka tlhagelela ka nosi fa pele ga panele le kgotsa a neelana ka tshedimosetso mo foromong e e beilweng, jaaka e tlhokega tebang le tshekatsheko kgotsa tekanyetso.
Lefapha. Fa go na tshedimosetso nngwe e e tlhokegang, go tswa mo motsweding mongwe go na le mokopi, go tsaya tshwetso e e botlhale, panele e tla bona tumelo e e kwadilweng go tswa go mmokopi go ka bona tshedimosetso. Fa tshedimosetso e nngwe e e batlegang e le e e kgethegileng, mme e se ka fa tlase ga bokgoni jwa panele panele e tla tshwanela ke go dira dithulaganyo tse di maleba gore mokopi a kgone go ka neelana ka tshedimosetso. Gape panele e ka amogela tshedimosetso ya puo ya molomo go tswa kwa mmueleding mo boemong jwa motho yo o sekasekiwang, fa tshedimosetso e sa kwadiwa kgotsa motho a sa kgone go tlhalosa maemo a gagwe.
Go neelana ka dintlha go kwa dithulaganyong tsa bosetšhaba go tokafatsa kgotsa go natlafatsa tiro ya dipanele.
Go neela ka dintlha go fetola mokgwa o o dirisiwang go sekaseka bogole kgotsa tlhokomelo ya boikaego.
Tiragatso ya katiso kgotsa dikopano tsa tshedimosetso ka ga tshekatsheko ya bogole kgatsa tlhokomelo ya boikaego.
Go romela batho kwa mafelong a boitekanelo go bona tlhokomelo ya kalafi le go tlhokomelwa go ya ka dikatlanegiso tsa mafelo a boitekanelo.
Go tlamela motho yo o sekasekiwang tshedimosetso ka ga dithuso tse dingwe, fa di le teng, tse di ka thusang motho kgotsa dingwe tse di ka thusang ka ditirelo dingwe.
Go tlamela mokopi ka tshedimosetso e e maleba go tlatsa foromo ya kopo ya kabelo.
Go eletsa le go rotloetsa batho go batla mekgwa mengwe ya go ikemela mo ikonoming fa ba sa golofala, gore ba se ka ba nna ba nnela go dira dikopo, mme ba baka go imelega ga tiro.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Maeteledipele.txt</fn>
Boswa jwa naga ke karolo eo ya maitshetlego gongwe tikologo eo e bopang pharologantsho ga yona. Go amana ditiragalo tse di fetileng (hisetori) tsa naga le mokgwa o e tlotlwang ke baagi ba yona, setso sa yona, botsweretshi jwa yona, thutotiro / thuto ya boitseanape / thuto ya diatla le diteme tsa yona, dijo tse baagi ba yona ba di ratang, mmino o ba o tlhamang le mokgwa o dikago tsa yona di tlhangwang le go agwa.
Mo Aferika Borwa motswako o o humileng wa dipopego tse di farologaneng tsa boswa di dira gore baagi ba rona ba bo ba le mofuta wa bona ba le bosi mo lefatsheng. Boswa jwa rona bo re farologantsha go tswa mo ditshabeng tse dingwe mme go re letla go re tlhagelele ka marota jaaka setshaba sa mofuta wa sona se le sosi se se ikgantshang ka ditso tse di farologaneng.
Ga go gope mo itlhaolong e ya setshaba go akareditsweng le go tlhagiswa ka botlalo go feta mo matshwaong a setshaba a bukana e e leng ka ga ona - Folaga ya Setshaba, Sefela sa Setshaba le Sekano sa Setshaba.
Ngwana , mogolo, sekolo, polokelo - dibuka (laeborari), modiri, mothapi, mokgatlho o e seng wa puso, CBD le Lefapha - puso la Aferika Borwa ka moo ba ka kgona go itse, go tlhaloganya le go nna le bukana e le diteng tsa yona ka boipelo.
Matshwao a setshaba sa rona ke matshwao a semmuso a a bopang tshwantshokgopolo le go thusa go re tlhaola jaaka naga e e ikemetseng. Matshwao a setshaba a tlhaloswa go ya ka Molaotheo mme a ikaeletse go tsweletsa poelano le kago ya setshaba.
Tshiamelo ya go bouta ya bagolo botlhe, Lenaneina la babouti (batlhophi) le le tshwanang la bosetshaba, kgetho ka gale, thulaganyo ya puso ya temokerasi ya makokokoko go tlhomamisa boikarabelo, tsibogelo le boikanyego.
Folaga e ntshwa ya Rephaboliki ya Aferika Borwa e tsentswe mo tirisong ka la 27 Mopitlwe 1994. E ne ya pegwa fela fa morago ga bosigogare ka go tsalwa ga setshaba se seswa. Moakanyetso le mebala ya folaga ke thadiso ya mebala megolo ya hisetori ya folaga ya Aferika Borwa go tloga metlheng ya pele go fitlha ga jaana.
Mmala o o bihibidu jo bo mokgona [bo tseneletseng] (bihibidu / serolwana), bosweu le botala jwa loapi e re gopotsa morago ga metlheng ya pele ya hisetori ya folaga ya Aferika Borwa; fa botala jwa ditlhare, bontsho le serolwana di tlhageletse lantlha mo folageng ya rona ya setshaba ka ngwaga-kgolong wa 19. Mebala e merataro e tlhageletse ka maatla mo folageng ya Aferika Borwa ya jaana.
Go ya ka bokao mabapi le se mebala e se kayang, go tshwanetswe ga gakologelwa gore mmala ka nosi o ka nna le bokao jo bo farologaneng thata go ya ka batho ba ba farologaneng. Ka lebaka leo go se amantshwe (tshwaraganngwe) bokao bope le ope wa mebala e. Mongwe le mongwe a lokologe go nna le bokao jwa gagwe ka se mebala e se emetseng. Se ke se go neng ga swetswa ka sona fa go no go rerisanwa ka thulaganyo ya temokerasi ka 1994.
Moakanyetso wa folaga o o simololang jaaka "V" mme o kopana mo bogareng jwa folaga, o lelefalela pele jaaka mothalo-esi o o tlhamaletseng go ya go losi lo lo kwa ntle lwa folaga, o ka bonwa jaaka e kete o emela kopano ya merafe e e farologaneng mo setshabeng sa Aferika Borwa e go tloga foo e tsweletsang tsela go ya pele jaaka setlhopha. Kakanyo e gape e gokaganya le moano wa sekano se seswa sa setshaba, e leng !ke e: / xarra // ke, mo puong ya / Batho ba Xam San, e e kayang gore "batho ba mefutafuta ba a kopana". Moakanyetso o ke wa mofuta wa ona o le esi gareng ga difolaga tsa lefatshe.
Folaga ya setshaba e tla nna khutlonnetsepa ka kabelo ya pedi bophara go tharo boleele, ba lesela go tswa go setsholetsa - folaga. Banta e e bohibidu jo bo mokgona e e kwa godimo le banta e botala jwa loapi e e kwa tlase, ka khutlotharo e ntsho kwa setsholetsa - folageng; mo godimo ga meralo ya dikarolwana go lesela la botala jwa tlhaga jo bo leng nngwe - tharong ya bophara jwa folaga, bosweu bo dirang molelwane gareng ga bohibidu jo bo mokgona le botala jwa loapi mme mmala o o serolwana o ikaegile khutlotharo e ntsho kwa setsholetsing; mme bophara jwa lesela le molelwane wa lona ke nngwe - tharong ya bophara jwa folaga
Folaga e tshwanetswa go tsholwa ka tlotlo. Ga e a tshwanela go letlwa go gogwa mo mmung kgotsa go ngaparetsa sengwe mo godimo ga yona.
Folaga e balwa jaaka buka - go tswa kwa godimo go ya kwa tlase le go tswa molemeng go ya mojeng. Ka mo e tshwanetswe go pegwa ka mokgwa o o siameng.
Fa e bontshiwa e rapame, setsholetsi se tshwanetse go nna ka fa letsogong la molema mmogedi mme mmala o mohibidu o le kwa godimo. Fa folaga e kanamisitswe, ke sesupo sa gore naga e mo khutsafalong.
Fa e bontshitswe e tsepame e ikaegile ka lebota, mmala o mohibidu o tshwanetse go nna ka fa letsogong la molema la mmogedi mme setsholetsi se le kwa godimo.
Fa e bontshiwa gaufi kgotsa fa morago ga sebui, e tshwanetse go bewa ka fa letsogong le le jang la sebui.
Fa go gwantwa ka tshwanelo mo mokolokong le difolaga tse dingwe.
Le go nna ka fa mojeng ga kago fa e pegilwe difolaga tsa setshaba sa dinaga tse dingwe.
Nkosi Sikelel iAfrika e tlhamilwe ka 1897 ke Enoch Sontonga, morutabana wa sekolo sa Methodist. Mafoko a temana ya ntlha, a ne a kwetswe ka puo ya Sethosa jaaka sefela sa kereke. Morago ditemana tse supa tsa puo ya Sethosa di ne tsa tlaleletswa ke mmoki, Samuel Mqhayi. Phetolelo ya Sesotho e ne ya phatlalatswa ke Moses Mphahlele ka 1942. Nkosi Sikelel iAfrika e ne ya tumiswa kwa dikhonserateng tse di neng di tshwarwa mo Gauteng ke khwaere ya Mazulu e e neng e bidiwa Ohlange ya Moruti J L Dube. E ne ya nna sefela sa bodumedi se se itsegeng thata mme morago ya tsawa jaaka pina ya setshaba mo dikopanong tsa sepolotiki. E ne e opelwa go bontsha ngongorego metlheng ya dingwaga tsa kgatelelo. Temana ya ntlha e opelwa ka Sethosa kgotsa Sezulu mme e latelwa ke phetolelo ya Sesotho. Go fitlhelela e tlhaloswa ke mmuso go go le diphetolo di le dintsi tsa Nkosi Sikelel iAfrika, tse di ka opelwang boemong jwa ditiro tsa bodumedi mme go sa tsennye Die Stem. Mebuso e meng ya Aferika le yona e ne ya tsaya diphetolo tsa Nkosi Sikele iAfrika jaaka dipina tsa bona tsa setshaba. Le fa go ntse jalo, maAferika Borwa a kopana go opela pina ya bona ya setshaba ba tshwanetse go opela phetolo e e tletseng ya semmuso, le gona yona fela.
Stem van Suid - Afrika ke poko e e kwadilweng ke CJ Langehoven ka Motsheganong 1918. Mmino o ne wa tlhamiwa ke Moruti ML de Villiers ka 1921. Koporasi ya Kgaso ya Aferika Borwa (SABC) e ne e tshameka God Save The King le Die Stem mmogo go tswalela dikgaso tsa bona tsa letsatsi mme setshaba se ne sa tlwaela lenaneo le. E ne ya phatlalatswa mme ya opelwa lwa ntlha semmuso fa folaga e kgologolo ya setshaba e ne e tsholetswa kwa teropong ya Kapa ka 31 Motsheganong 1928, fela go ne ga tsaya go fitlhelela 2 Motsheganong 1957 gore fa Mmuso o ne o itsise gore Die Stem e dumeletswe jaaka Pina ya setshaba ya Aferika Borwa ya semmuso. Ka ona ngwaga oo, Mmuso o ne wa bona ditshwanelo tse di feleletseng mme se se ne sa gatelelwa ke Molao wa Mmuso ka 1959. Ka 1952 phetolo ya semmuso ya Sekgoa ya Pina ya setshana, The Call of South Africa e ne ya amogelwa go dirisiwa semmuso.
Sekano sa Setshaba kgotsa letshwao la Mmuso, ke letshwao le le bonwang lwa Puso le le kwa godimo. Tsaya motsotswana go gopola dintlha tse di botlhokwa mo botshelong jwa gago - matsalo, lenyalo, loso lesetifikheiti sa sekolo, lokwalo lwa mosepele - tsotlhe di editswe semmuso ke Sekano sa Setshaba. Papetlana ya gago e nnye e na le sona (Sekano sa Setshaba) mo ngweng ya matlhakore. Fa o le kwa ntle ga naga, pono ya letshwao le, mo moagong wa kemelo (embassy) ya naga, se se go bolelela gore o fa gae kgakala le legae. Sekano sa Setshaba gape ke karolo e e botlhokwa ya Bonota jo bo kanelang jo Bogolo, jo goyang ka setso jo tsewang jaaka letshwao lo logolo la Puso. Thata e e feletseng e fiwa lekwalo lengwe le lengwe le le nang le letshwao lwa Bonota jo Bogolo (Great Seal) jaaka se, se kaya gore le tshegetswa ke Moperesidente wa Aferika Borwa.
Sekano sa Setshaba se seswa, se refosa se se neng se dirisiwa ke Aferika Borwa go tlogeng 17 Lwetse 1910. Phetolo e bontsha maikemisetso a Mmuso a go bontsha phetogo ya demokerasi mo Aferika Borwa le tlhaloganyo e ntshwa ya bosetshaba.
Sekano sa Setshaba ke tlhatlhamano ya dielemente tse di rulagantswe ka tlhatlaganyo kgotsa ka popego e tshekeletsana e ngwe e beilwe fa godimi ga e ngwe.
Moano - mo tshekeletseng e e sa felelang ke: !ke e: /xarra // ke, o kwadilwe ka loleme lwa batho ba /xam ba Khoisan mme mo phetolong moano o o fa godimo o raya gore: "batho ba ba phatlhaletseng kopanang". Moano o o ipiletsa gore Setshaba se kopane ka ditlhalogano tse di edileng le boikgantsho - Seoposengwe mo Phatlhalelong. Dinaka a tlou - a emetse botlhale, maatla, tokafatso le bo sa feleng.
Ditsebe tsa korong - mo popegong e re e bonang di dirwa ke dinaka - di emetse monono, kgolo le bokgni phepo ya batho le dintlha tsa temo tsa lefatshe.
Thebe - popego ya thebe ya gouta e tshwana le moropa. E na le ditiro tse pedi: e emetse tlhaolo le phemelo ya semoa semowa.
Ditebego tsa botho go tswa mo Botaking ba Khoisan - di ntshitwe mo ditshwantshong mo letlapeng le le itsegeng la Linton - sekao se se botlhokwa sa Botaki ba Letlapa la Aferika Borwa le le mo Musiamong wa Aferika Borwa gona jaanong - le le bontshiwang mo boitshwarong jwa go dumedisa le kopano, di emetse: Seoposengwe mo Phatlhalelong. Lerumo le thobane - matshwao a mabedi a phemelo le bolaodi - di emetse maoto a a thata a ramolangwana. Lerumo le thobane di robetse fa fatshe, e le go emela kagiso.
Sethunya sa Protea - ke setshwantsho sa bontle jwa lefatshe la rona le go thunya ga bokgoni jwa rona jaaka Setshaba se se batlang Tsosolotso ya Botaki le Dikwalwa tsa seAferika. (African Renaissance) - di emetse kopano ya mephato le e golang go tswa mo lefatsheng mme e nosetswa go tswa godimo.
Ramolangwana - o bontshitsweng a fofa - pheleletso ya tlholego ya kgolo le lobelo. Ke nonyane e e thatathata e maoto a yona - a bontshitsweng ka lerumo le thobane - di (lerumo le thobane) di emetse sentle mo go tsomeng gape le mo phemelong.
Letsatsi le le tlhabang - ke letshwao la kgalalelo le phatsimo. Le emetse tshepiso ya go tsalwa seswa, matlhagatlhaga a tsabakelo, katlholo e e siameng le matla. Ke letshwao la motswedi wa botshelo, ba lesedi le bofelo jwa boitekanelo ba losika lwa setho.
Popego e e feleletseng ya Sekano sa Bosetshaba e kopana tshekeletsa e e fa godimo le e e fa tlase mo letshwaong le le se nang bolekanyo. Tsela e e kopanyang losi lwa bofelo lwa sekorolo sa lewatlanaleso go ya ka mela ya dinaka, ka khutlopono fa godimo ga letsatsi le tlhatloga kwa godimo, le bopa popego ya lee moo ramolangwana a tsogang. Se se emetse go tsalwa seswa ga mowa o mogolo wa bogaka ba Bosetshaba ba rona.
Matshwao a dirisitswe jaaka tsela e e tokafaditsweng ya ga tlhatlhelela maAferika Borwa (go ya ka temokerasi) segolo bogolo bao ba ba ntseng nako e telele ba tlhotlhololwa mo go tseyeng dikakanyo tsa go tsamaisa lefatshe la rona la Aferika Borwa. Matshwao a makoko a poletiki a ne a dirisiwa ka ditlhopho tsa ngwaga wa 1994 e le go itshupa ka bonolo mo pampiring ya ditlhopho.
Matshwao a magolo a mararo a setshaba a go buiwang ka ona mo bukaneng e, a emetse temokerasi e ntshwa ebile a refosa matshwao a a fetileng a a tshwanang le a. Mosola o botlhokwa o o gatelelwang ke matshwao a maswa a ke poelano, kopano mo go phatlhalaleng ga batho le go bopa setshaba. Ka matshwao a moAferika Borwa mongwe le mongwe o kgothatswa, gogelwa, matlafatswa le go rotloetswa go tsaya karolo mo go tseyeng setshaba se go tswa mo go kgaoganyeng mo go fetileng go ya isagong e e kopanyeng.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Maikemisetsomagolo.txt</fn>
Go laola maatla a intaseteri go ya ka melao ya mmuso, dipholisi, maemo le mekgwa ya maemo a a kwa godimo a boditšhabatšhaba go tshegetsa tlhabololo e e tswelelang.
Bolaodi jwa Motlakase jwa Bosetšhaba (NER) ke bothati jwa bolaodi jwa Inatseteri ya Tlamelo ya Motlakase (ESI) mo Aforika Borwa. Ke mokgatlho wa semolao, o o theilweng go ya ka Molao wa Motlakase No. 41 wa 1987 jaaka o tlhabolotswe ka 1994 le 1995.
Go laola intaseteri ya motlakase go ya ka melao ya mmuso, dipholisi, maemo le maemo a a kwa godimo a boditšhabatšhaba go tshegetsa tlhabololo e e tswelelang.
Go nna moeteledipele wa maemo a a kwa godimo mo lefatsheng mo taolong ya motlakase.
NER e ka go thusa jang?
Molao wa Motlakase wa No. 41 wa 1987 jaaka o tlhabolotswe o naya NER dithata gareng ga tse dingwe, go rarabolola dikgotlhang magareng ga batlamedi ba motlakase le badirisi ba one, ga mmogo le magareng ga batlamedi ka bobone.
Fa o ssa kgotsofalela mokgwa o motlamedi wa motlakase wa gago a tshotseng ngongorego ya gago ka teng, NER e ka go thusa.
Ke mefuta efe ya dingongorego e NER e ka go thusang ka yona?
Ke eng se o tshwanetseng go se dira?
Lefapheng la Ditirelo tsa Badirelwa, mme o re re neele dintlha tsotlhe tse di maleba tsa ngongorego.
Batlamedi botlhe ba motlakase ba selegae ba tshwanetse go nna le laesense e e ntshitsweng ke NER. Ga go na motlamedi ope wa motlakase yo o nang le tshwanelo ya go fetlha le go tlamela badirelwa ka motlakase ntle le tetla ya NER.
Motlamedi wa selegae wa motlakase ga a tshwanela go fetisetsa laesense ya gagwe ya go rebola motlakase kwa go motlamedi mongwe le mongwe kwa ntle ga tetla ya NER.
Motlamedi wa selegae wa motlakase ga a na tshwanelo ya go duedisa badirelwa kelotefo e e sa rebolwang ke NER kgotsa a duedisa mekgatlho ya teng ntle le tetla ya NER. Ka jalo badirelwa ba tla bo ba le mo tshwanelong ya bone go tswelela go duela kelotefo e e dumeletsweng le fa go na le kelotefo e ntšhwa e e seng mo molaong e e dirisiwang ke motlamedi wa selegae.
Motlamedi wa selegae wa motlakase o rwele maikarabelo a go tlamela motlakase kwa setsheng kgotsa setene se se mo kgaolong ya gagwe ya tlamelo fela fa modirisi a kgona e bile a ikaletse go duelela tirelo e a e neelwang.
Motlamedi wa selegae wa motlakase o tshwanetse go neela badirelwa dikelotefo le kelo fa modirisi a dira kopo ya tirelo le fa a kopa.
Motlamedi wa selegae wa motlakase o tshwanetse go itsise badirelwa ba gagwe ka ga koketsego ya kelotefo, dikelotefo tse di farologaneng tebang le tlamelo ya motlakase le gore di dira jang gore ba kgone go tsya ditshwetso tse di botlhale fa ba dira kopo ya go tlamelwa ka motlakase. Tsweetswe tlhokomela gore badirelwa, ka fa letlhakoreng le lengwe, ba rwele maikarabelo a go botsisa ka ga kelotefo e e ka siamelang ditlhokego tsa bone.
Mo mabakeng a badirelwa ba ba dirisang motlakase o o duelelwang kwa pele, motlamedi wa selegae wa motlakase o rwala maikarabelo a go tlamela diteišene tse dikarata tsa motlakase di rekwang kwa go tsona. Diteišene tsa thekiso di tshwanetse go fitlhelelwa bonolo.
Ba rwala maikarabelo a go netefatsa gore seteišene sa thekisetso se butswe ka dinako tsa tiro mo malatsing a tiro, go tloga ka 8:00 go fitlha ka 12:00 mafelo a beke le ka malatsi a botlhe a boikhutso.
Kgotsa modirisi o tšhonne.
Motlamedi wa selegae o rwele maikarabelo a go tlamela badirelwa ba gagwe ka motlakase o o ikanyegang le o o tswelelang le maikarabelo a go tlhokomela mafaratlhatlha go netefatsa gore boleng jo bo siameng jwa tlamelo.
Fa go phopholeditswe palo ya diyuniti tse modirisi a di dirisitseng, tshupamolato e tshwanetse go bontsha se, le madi mangwe le mangwe a a duetsweng go feta kelo mo pakeng ya phopholetso a tshwanetse go balelwa mo akhaontong ya modirisi.
Mo mabakeng a e leng gore modirisi o a ngongorega, modirisi a ka kopa motlamedi go tlhatlhoba nepagalo ya mitara ka tuelo e e rileng, e e tla busiwang ke motlamedi fa go ka fitlhelwa e le gore mitara o fositse.
Fa go na le ngongorego, go botlhale gore modirisi a tswelele go duelela tiriso go tila go kgaolelwa ka gonne madi mangwe le mangwe a a dueletsweng kwa pele e ka re morago a busediwa modirisi.
Ke maikarabelo a modirisi go itsise motlamedi wa selegae fa a fuduga, kgotsa a batla gore tlamelo ya motlakase e emisiwe, kgotsa a batla gore o fetisediwe kwa tshupafelong e ntšhwa.
Ke maikarabelo a motlamedi wa motlakase wa selegae go ruta badirisi ka ga manane a a babalesegileng, a a bokgoni le a a nonofileng ka ga tiriso ya motlakase kgotsa ka ga ntlha nngwe le nngwe e e amanang le tlamelo ya motlakase e e ka oketsang kitso le tiriso ya motlakase.
Ke maikarabelo a motlamedi wa motlakase wa selegae go itsise badirisi ka ga tshupamolato tse di farologaneng, gore di dira jang, ditlamorago le mosola wa tsona.
Gakologelwa gore lefelo la ntlha le o tshwanetseng go ya kwa go lona ke la motlamedi wa motlakase wa gago wa selegae.
Modirisi o na le tshwanelo ya go ngongorega ka ga boleng jwa tirelo e e tlamelwang ke motlamedi wa selegae.
Fa modirisi a sa kgotsofalela mokgwa o ngongorego ya gagwe e tshotsweng ka teng, a ka nne fetisetsa ngongorego eo kwa NER go kopa thuso.
Modirisi o rwala maikarabelo a go tsenngwa ga megala ya motlakase le go tsenngwa ga motlakase mo ntlong kgotsa mo bonnong kgotsa mo setsheng sa gagwe.
Ke maikarabelo a modirisi go bona ramotlakase yo o nonofileng go mo tsenyetsa motlakase.
Ke maiakarabelo a modirisi go netefatsa borutegi jwa ramotlakase le bonnete jwa setifikeiti se a se neetsweng tiro e e dirilweng.
Maiakarabelo a modirisi tebang le tlamelo a simolola kwa ntle go tsena ka fa setsheng sa gagwe. Sengwe le sengwe se se diragalang (go pota mitara ka kwa) kwa ntle ga molelwane wa setsha sa modirisi iske maikarabelo a motlamedi wa motlakase wa selegae. (Modirisi o rwala maikarabelo a didiriswa tse di ka fa gare ga setsha sa gagwe ntle le fa di sa tsenngwa mo tumalanong ya tlamelo.
Modirisi o tshwanetse go nna le Setifikeiti se se amogelesegang sa Tiriso se se ntshitsweng ke ramotlakase yo o nonofileng le yo o kwadisitsweng yo o tsentseng motlakase kgotsa yo o tlhatlhobileng ntlo.
Modirisi o na le tshwanelo ya go ngongorega kwa NER fa motlamedi wa selegae yo o nang le laesense a ka gana kgotsa a diega go mo tlamela ka motlakase ntle le go neela tlhaloso e e utlwagalang.
Modirisi o rwele maikarabelo a go duelela motlakase o a o dirisitseng ka nako (mo nakong e e beilweng).
Modirisi o na le tshwanelo ya go ngongorega kwa motlameding wa motlakase wa selegae yo o nang le laesense fa a sa kgotsofalela boleng jwa tirelo e a e amogelang.
Fa modirisi a sa kgotsofalela mokgwa o ngongorego ya gagwe e tshotsweng ka one, o na le tshwanelo ya go fetisetsa ngongorego ya gagwe kwa NER e e tla batlisisang ngongorego mo boemong jwa modirisi.
Fa o dirile tumalano e e saennweng le motlamedi wa motlakase yo o nang le laesense go go tlamela ka motlakase, o tshwanetse go duela dipositi jaaka e tlhomamisitswe ke motlamedi wa selegae pele motlakase o ka gokelelwa.
Ke maiakarabelo a modirisi go ikgolaganya le motlamedi wa selegae fa a ntse a sa amogele ditshupamolato kgwedi le kgwedi.
Ke maikarabelo a modirisi go tswelela go duelela tiriso e e tsweletseng ya motlakase le fa a ka nna le ngongorego ka akhaonto /tshupamolato.
Ke maikarabelo a modirisi go sireletsa metšhini, didiriswa tsa eleketeroniki kgotsa sediriswa sengwe le sengwe kgatlhanong le tlhatlogo ya ka bonako ya motlakase.
Fa go nang le tlhokego e e tswelelang motlakase, ke maikarabelo a modirisi go tsenya tlamelo e e ikemetseng ya motlakase.
Ka ntlha ya gore kgaogo ya motlakase ga e ka ke ya tilwa, ke maikarabelo a modirisi go tsaya dikgato tse di maleba go ipaakanyetsa ditlamorago tsa teng.
Thekiso gape ya motlakase ke eng?
Thekiso gape ya motlakase ke fa mongwe mo tlhatlhamanong ya tlamelo a reka motlakase o montsi go tswa kwa go motlamedi, mme a o rekisetse batho ba bangwe mo tlhatlhamanong eo. Pamfolete e e tlhalosa kamano ya go rekisiwa gape magareng ga moreki (morekisi-gape/mongsetsha) yo o rekang go tswa kwa motlameding wa selegae wa motlakase, mme a o rekisetse modirisi wa bofelo (mokopaboroko/mong).
Thekiso-gape ya motlakase e diragala leng?
Thekiso-gape ya motlakase e diragala fa motlakase o tlamelwa ka bontsi, kwa mafelong a e leng a motho a le mongwe yo le ena a o rekisetsang bakopaboroko kgotsa beng mo mafelong ao.
Mafelo e ka nna difolete, setlhopha sa matlo, marekelo, madirelo, moago wa diofisi, jalo le jalo.
Ntlha nngwe e e tlhagelelang ya mokgwa o ke ke gore bakopaboroko /beng ba duelela motlakase wa bone ka tlhamalalo go morekisigape /mongsetsha, mme e seng motlamedi wa selegae.
Molao wa reng ka ga thekiso-gape ya motlakase?
Kaelo ya molawana wa mmasepala: Melawana ya mmasepala e kaela gore badirisi ba bofelo (bakopa-boroko/beng) ga ba a tshwanela go bewa mo maemong a a sa kgatlhiseng go na le ao ba ka bo ba le mo go ona, fa motlamedi wa selegae e ka bo e le motlamedi. Bontsi jwa dikarolwana mo melawaneng e e farologaneng ya bommasepala e kaya ka tlhamalalo seo se fitlhelwang ka fa gare ga Molawana 11 wa molao wa Motlakase wa 1987 jaaka o tlhabolotswe.
Mongwe le mongwe yo o rekisang motlakase o o tlametsweng ke motlamedi gape, mabapi le moreki yo mongwe le mongwe, o tla dira gore motlakase wa go nna jalo o o lekanyediwe ka mitara wa mofuta o o letleletsweng ke Biro ya Maemo ya Aforika Borwa.
Karolo 11 e kaya gore: Seelo se ka sona le maemo a thekiso a motlakase o rekisiwang ka one gape, ga a kitla a nna a a kwa tlase go na le a morekisi a rekiseditsweng ka one ke morekisi, mme morekisi mongwe le mongwe, ka kopo ya moreki mongwe le mongwe o tla mo neela tshedimosetso e e ka nnang botlhokwa go mo kgontsha go tlhomamisa gore a na diakhaonto tse a di amogelang di nepagetse.
Thekiso ya motlakase ke motshodi wa laesense kgotsa ke mongwe le mongwe yo, go ya kakelo ya karolo ya Molao, a rebotsweng mo dikaelong tsa karolo eo.
Go ya ka Karolo 11 : boto e ka rebola motlamedi mongwe le mongwe yo, kgotsa karolo ya motlamedi e go ya ka Karolo 6 ya Molao, go tswa mo dikaelong tsa melawana le mme boto e ka nne ya re nako nngwe le nngwe morago ga go bona thebolelo ya go nna jalo ya gogela yotlhe kgotsa karolo ya yona kwa morago ga kitsiso ya bonyane dikgwedi di le thataro ya kgogelomorago ya go nna jalo e se na go neelwa motlamedi kgotsa lephata la botlamedi jo bo maleba.
Ke kelotefo efe e ke tshwanetseng go e duedisiwa ke morekisigape/mong-setsha?
Morekisigape /mong-setsha ga a tshwanela ga a tshwanela go go duedisa go feta seo motlamedi wa selegae a kabo a go biditse, fa ba kabo ba go tlamela ka tlhamalalo. Sekai - fa o le modirisi wa selegae mme motlamedi wa selegae xxxx a duedisa abc /kwh morekisigape /mong-setsha o tshwanetse go go duedisa kelotefo e e lekanang.
Dituediso tsa tshupamolato di tshwanetse go bontsha bokae?
Tshupamolato ya motlakase e tshwanetse go bontsha ditshenyegelo tota tse di leng teng fa o tlamelwa ka motlakase.
Tuediso ya tirelo - e e akaretsang ditshenyegelo tsa morekisi-gape / mong-setsha fa a go tlamela ka motlakase. Tuediso e, e akaretsa palo ya dimitara, dithomelo-molato le ditshenyegelo tse di tlhagelelang fa go dirwa /baakanngwa tshupamolato.
Fa go na le dituediso tse dingwe, di tshwanetse go bontshiwa le go duelelwa go tswa golo gongwe, mme ga di a tshwanela go tsenngwa mo tshupa-molatong ya motlakase.
Tlhaloso e e tletseng ka ga dituediso e tshwanetse go neelwa modirisi. (Fa go se na tlhaloso e e neetsweng - ntlha e e tshwanetse go neelwa motlamedi wa selegae wa motlakase).
Fa go sa ntsane go se na tharabololo, kopa thuso go tswa go motlamedi wa selegae wa motlakase go netefatsa gore morekisi-gape/mong-setsha o obamela molao wa mmasepala.
Fa bothata bo santsane bo sa rarabololwa, go dirwe eng?
O ka bega ntlha eo kwa NER.
O ka kopa thuso kwa kgotlatshekelo ya ditopo-potlana.
Go fudugela kwa mafelong a mangwe ke boikgethelo jo bongwe le fa e se ntlha e e amogelesegang ka bonako ka ntlha ya mabaka mangwe a a amegang.
Thuso ya NER ke eng mo ntlheng e?
Tsweetswee tlhaloganya gore mosola wa NER mo mabakeng a ke o o lekanyeditsweng jaaka molawana wa mmasepala o ikaegile ka Melawana. Ka jalo NER e bebofatsa tharabololo ya ngongorego /kgotlhang magareng ga morekisi-gape /mong-setsha, modirisi le motlamedi wa selegae.
Mosola wa motlamedi wa selegae ke eng?
Go tshwanetse ga gakologelwa gore motlamedi wa selegae wa motlakase mo mabakeng a a ntseng jaana ke motlamedi wa bofelo gonne motlakase e le tirelo ya botlhokwa.
Mo mabakeng a go nna jaana morekisi-gape o rwala maikarabelo a go tsereganya fa morekisi-gape /mong-setsha a sa obamele dikaelo tsa molawana o o beilweng.
Molao wa Motlakase wa 1987 jaaka o tlhabolotswe, o letla gore motlamedi wa motlakase a ka kgaolela modirisi motlakase fa a sa duela akhaonto ya gagwe kgotsa a sa obamela mabaka a thebolelo. Le gale molao o batla gore motlamedi wa motlakase a e neele modirisi kitsiso ya malatsi a le lesomenne pele a ka kgaolela modirisi motlakase. Paka eo e simolola fela fa modirisi a amogela kitsiso. Kitsiso e e tlhagelelang mo tshupamolatong ya kgwedi le kgwedi le yona e tsewa e le kitsiso. Ka jalo badidirisi ba kopiwa go tlhokomela se se kwadilweng mo ditshupamelatong tsa bone. Karolo e e laolang ntlha e e mo Quality of Service standard (NRS 047) mme e ikaegile ka karolo ya Molao wa Motlakase o o kailweng fa godimo.
Go botlhokwa go duelela ditshupamolato tsa ka botlalo ka dinako tsotlhe. Se se tla thusa gore akhaonto ya gago e se ka ya salela kwa morago. Badirisi ba na le mokgwa wa go duela karolo ya molato go tila go kgaolelwa motlakase. Fa madi a a saletseng kwa morago a sa dulwe mo kgweding e e latelang, kgonagalo ya go retelelwa ke go duela akhaonto ka tlhomamo e a oketsega. Tsweetswee tlhokomela gore go duelela akhaonto ya gago ya motlakase ka dikarolwana go ka lebisa kwa go kgaolelweng motlakase. Fela fa o lemoga gore ga o kgone go duelela molato o o saletseng kwa morago, ikgolaganye le motlamedi wa motlakase wa gago ka bonako, mme o dire dithulaganyo tsa go duela molato.
Fa e le gore o kile wa saena tumalano le motlamedi wa gago ya go tswala molato mo nakong e e fetileng, go mosola go e diragatsa. Fa o retelelwa ke go dira jalo, motlakase wa gago o ka kgaolwa. Fa e le gore maemo a gago a ditšhelete a etegetse thata fela morago ga go saena tumalano o tshwanetse go itsise motlamedi wa gago wa motlakase ka ponyo ya leitlho. Bopaki jwa go fetoga ga maemo a gago bo ka batlega.
Fa o na le mitara o o tlwaelegileng (o gape o itsegeng jaaka mitara wa go lekanya sekoloto) o tla tshwanela ke go sekaseka diyuniti tse o di dirisang le dipalo tsa gago ka tlhomamo. Mo tshupamolatong nngwe le nngwe go tshwanetse ga bo go na le palelo e e simololang (palelo e e fetileng) le palelo ya bofelo (palelo ya jaanong). O tla tshwanela ke go bona gore a na palelo ya gago ya go bula mo kgweding eo e tshwana le palelo ya go tswala ya kgwedi e e fetileng. Fa dipalelo tse di sa dumalane batla tlhaloso go tswa go motlamedi wa selegae ka ga seo. Babadi ba dimitara ba na le go dira diphoso ka dinako dingwe.
Go botlhokwa go itse gore motlamedi wa motlakase wa gago o tshwanetse go go duedisa bokae mo yuniting e le nngwe (kWh) ya motlakase o o o dirisang. Fa o sa itse botsa motlamedi wa gago kgotsa o ka ikgolaganya le National Electricity Regulator go bona tshedimosetso. Go itse gore o duedisitswe bokae mo kgweding eo o tshwanetse go arola palo e e neetsweng e le Diranta ka fa tlase ga kholomo ya motlakase mme o e arole ka palo ya diyuniti tse o di neetsweng mo tshupamolatong. (Diyuniti e tla nna pharologano magareng ga palo e e tswalang le palo e e bulang). Searolo e tla tla nna tuelo ya yuniti e le nngwe.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo go Tshedimosetso 3.txt</fn>
Tlamego ya Aforika Borwa go tshwanelo ya phitlhelelo go tshedimosetso e tlotla pateletsego ya molaotheo ya rona go neela tiragatso kwa tshwanelong ya motheo ya phitlhelelo go tshedimosetso e e tshwerweng ke Naga kana tshedimosetso e e tshwerweng mo karolong ya poraefete.
Molao ke tsweletso ya tiragalo ya botlhokwa fa go lebelelwa setlwaedi sa maloba sa bosephiri se re se boneng go tswa dingwageng tse dintsi tsa puso ya bonnye e seng ka fa tshwanelong. Ka Molao o re tshuba lebone go tlisa kwa bokhutlong bosephiri le ditimalo tse di bontshang dingwaga tse dintsi tsa puso ya kgethololo le tsamaiso.
Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo go Tshedimosetso, Nomoro 2 wa 2000, o tlamelela tshwanelo ya molaotheo ya phitlhelelo go tshedimosetso e e tshwerweng ke naga le mekgatlho ya poraefete jaaka nngwe ya maikemisetso magolo a yona.
Tshwanelo e e tla thusa go godisa teranseparense, maikarabelo le taolo e e nonofileng ya setšhaba le mekgatlho ya poraefete.
Go ya ka tshwanelo e, e tla kgontsha gape batho ba rona go tsaya karolo ka botlalo le go dira ditshwetso tse di utlwalang mo go ageng gape setšhaba sa rona ka tshedimosetso.
E ntse e aga go ya pele mo motheong wa rona go godisa ka mafolofolo setšhaba se mo go sona batho ba Aforika Borwa ba nang le phitlhelelo go tshedimosetso go ba kgontsha go dira ka botlalo go feta le go sireletsa gotlhe ga ditshwanelo tsa bona.
Taolelo e e neilweng mmuso wa rona ke batho ba naga e e ne e le go dira diphetogo, tse di tla tokafatsang boleng ba botshelo ba MaAforika Borwa otlhe. Molao sa botlhokwa, o tla oketsa kwa motheong o o tileng o re agelang mo go ona, mo patlong ya rona ya taolo e e siameng le maikarabelo.
Tirokgolo ya Molao wa 2000 wa Phitlhelelo go Tshedimosetso, o o neng wa itsesiwe ka Mopitlwe 2001 ke go dira setšhaba se mo go sona batho ba Aforika Borwa ba nang le gona go fitlhelela tshwanelo kwa tshedimosetsong. Karolwana e ntšha e ya peomolao e kgontsha MaAforika Borwa otlhe e seng fela go diragatsa ditshwanelo tsa bona ka botlalo, mme sa botlhokwa segolo go sireletsa gotlhe ga ditshwanelo tsa bona jaaka di beilwe mo Molaotheong. Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo go Tshedimosetso ke sedirisiwa sa botlhokwa mo go maatlafatseng ditshiamelo ka fa gare ga Molaotlhomo wa Ditshwanelo jaaka o tlhagisitswe mo Molaotheong.
Temokerasi ya rona ya Aferika Borwa e ikaegile mo dipilareng tsa tokologo, tekano le tlotlo ya seriti sa motho. Molao o moša o ke karolo ya botlhokwa mo teng ga tirego ya phetogo, ka o ritela metheo e e beilweng ka fa teng ga Molaotlhomo wa Ditshwanelo.
Tlwaelo ka fa tlase ga puso ya kgethololo e ne e le gore ditiro tsa mmuso le tsamaiso ya yona di ne di apesitswe ke bosephiri le tidimalo, go khupediwa bobodu le ditiro tse di sa tshwanelang. Ka ditlhopho tsa temokerasi tsa 1994, re tsene mo tseleng e ntšha e e godisang setso sa teraseparense le maikarabelo.
Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo go Tshedimosetso o tlhagisetsa setšhaba sa Aforika Borwa tsela go nna le motswedi wa thuso kwa phitlhelelong ya tshedimosetso go tswa nageng le ditheong tsa poraefete.
Molao o, o moša o tlaleletsa tlhokego ya ditheo tsotlhe go dira ka gale ka tshwanelo le go nna maikarabelo mo ditirong tsotlhe tsa tsona.
Go ya ka Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo go Tshedimosetso, Motlhankedi wa Tshedimosetso o tlhomilwe/emiseditswe go tlhomamisa tsamaiso ya tirego ya phitlhelelo go tshedimosetso/direkoto. Go tlaleletsa, Batlatsa Batlhankedi ba Tshedimosetso ba tlhomilwe/emiseditswe go thusa Motlhankedi wa Tshedimosetso ka tiro e.
LEINA : Rre V.W.D.
LEINA : Rre V.W.
Go ya ka Molao 2000, wa Phitlhelelo go Tshedimosetso, motho ofe o na le tshwanelo ya go kopa phitlhelelo ya tshedimosetso/direkoto tse di mo diatleng tsa Naga kana Mokgatlho wa Setšhaba. Gore o bone phitlhelelo kwa rekotong, motho o tshwanetse go tlatsa kopo ya foromo ya phitlhelelo ya tshedimosetso. Foromo e tshwaragantswe jaaka Tlhabololo E. Foromo e e tshwanetse go romelwa kwa go Motlhankedi wa Tshedimosetso, kwa dintlheng tsa kgolagano tse di fa godimo.
Motlhankedi wa Tshedimosetso o tla tlhomamisa gore a motho yo o kopang tshedimosetso ke mokopi wa sebele kana nnyaya, k.g.r a tshedimosetso e ama fela motho yo o kopang tshedimosetso kana nnyaya. Fa motho e le mokopi ka sebele, ga go madi a pele a a tla duelwang. Fa tshedimosetso e sa ame fela motho yo o kopang tshedimosetso, madi a pele a R 35,00 a duelwa pele ga tiro e tswelela. Ka jalo, kopo ga e ne e dirwa go fitlha madi a pele a duetswe.
Fale madi a duetswe, Motlhankedi wa Tshedimosetso o tla laela badiri ba ba maleba go ntsha rekoto(di) tse di amegang.
Fa rekoto e ntshitswe, Motlhankedi wa Tshedimosetso o tla thadisa lokwalo le go bapisa diteng tsa rekoto le mabaka a kgano, jaaka go tlhalositswe ke Molao.
Fa phitlhelelo e ka rebolwa, mokopi/mokopi wa sebele o tla itsisiwe ka ditshenyegelo tse di tshwanetseng go duelelwa tlhagiso ya rekoto.
Mo tuelong ya madi a a maleba, rekoto/kana karolo ya seo sa phitlhelelo e e rebotsweng, e tla tlhagisiwa le go romelwa kwa mothong yo o kopileng tshedimosetso.
Mo lebakeng la phitlhelelo go ya rekotong e sa rebolwa, motho yo o kopileng phitlhelelo go ya rekotong, o tla itsisiwe gore phitlhelelo ga e a rebolwa mme ditsamaiso tsa boikuelo tse di maleba tse di tshwanetseng go latelwa di tla tlhalosiwa.
Kwalelano e laolwa le go tsamaisiwa go ya ka ditsela tse tharo tsa go faela tse di atlanegisitsweng go dirisiwa mo kantorong ke Diakhaefe tsa Porofense. Kwalelano yotlhe malebana le merero ya badiri e tsamaisiwa ke Tsela ya Ditiro ya Badiri e e Yunifomo ya go Faela ; ditiro tse dingwe tsotlhe tse di amanang le kwalelano di laolwa ke Tsela ya Ditiro ya Badiri e e Yunifomo ya go Faela. Ditsela tse pedi tsa yunifomo ya go faela di a gapelediwa mo mafapheng otlhe mo Botsamaisng ba Porofense ba Kapa Bokone (NCPA). Kwalelano yotlhe malebana le kologano ya ditiro tsa Kantoro ya Tona e laolwa ke Kologano ya Ditiro ya go Faela e e rebotsweng, e e tshwanang e le esi kwa Kantorong ya Tona mme e sa dirisiwe gope mo mafapheng a mangwe mo NCPA. Difaele tsa batho tse di bulwang go ya ka ditsela tse tharo tse di bontshiwa mo Rejisetareng ya Difaele tse di Butsweng.
Direkoto tse dingwe di laolwa le go tsamaisiwa go ya ka Tlhabololo ya Taolo ya Direkoto, e e iseng e rebolwe ke Diakhaefe tsa Porofense.
Go tloga 1994-2001, Kantoro ya Tona e ne e sa arologanyetse le go tsamaisa direkoto tsa yona go ya ka melawana ya diakhaefe mo lebakeng le. Direkoto tse ga jaana di faeliwa gape go ya ka mekgwa ya karologanyo e e rebotsweng (ditsela tsa go faela le Tlhabololo ya Taolo ya Direkoto). Seno ke tirego e e ka se fediweng ka bosigo bo le bongwe mme manuale o o bontsha direkoto fela tseo tse di arologanyeditsweng fa e sale ka Mopitlwe 20001. Jaaka fa direkoto tse di sa arologanyediwang di faeliwa gape, manuale o o tla tlalelediwa mme dikhophi tsa ditlaleletso di tla isiwa kwa Khomišeneng ya Ditshwanelo tsa Botho ka dipaka tsa tswelelo.
Meneseteri wa Tona o na le tsela e le nngwe ya ona ya go faela e e rebotsweng e e ka se dirisiweng ke diyuniti dife tse dingwe mo Kantorong ya Tona.
Ditumelelo tsa mabaka a boitseanape le bothani.
Dimela tse di mo kotsing: Ditlhogesi tsa dimela tse di mo kotsing.
Khomišene ya ngwaoboswa ya lefatshe.
Letlhomeso la Tumelano-diphetogo tsa tlelaemete.
Dipoloto tsa maiteko a go fisa.
Ditlhopha tsa thulaganyo ya tiro tsa Aforika Borwa; kapa Bokone.
Boto ya bosetšhaba ya diphaka.
Dipalo tse di tshwaraganeng tsa dinonyane.
Sekema sa rekoto ya karata sa serobe.
Komiti ya tsamaiso e e kopaneng ya Transgriep.
Komiti ya kgaolo e e rulaganyang ITT.
Dinaga tse di kopaneng tsa Amerika: Komiti ya Khomišene ya Bosetšhaba ya Aforika Borwa ya Tshomarelo le Tikologo.
Setlhopha se se dirang sa Mintech: Tsamaiso ya kgotlhelego le maswe.
Setlhopha sa tiro sa tikologo ya noka ya Oranje.
Mokgwa wa go senya gotlhelele wa komiti e e kwa pele ya noka ya Oranje.
Komiti e e kgweetseng thuto ya motheo ya noka ya Olifants le Doring.
Foramo ya tshomarelo ya go kgabanya porofense - mogokaganyi wa saense.
Lefelo la pholese la diminerala le maatla.
Setlhopha se se dirang sa Yellowfish.
Lefelo la tshomarelo ya AI-ASI Richtersveld.
Lenaneo la tsamaiso ya bosetšhaba ya lengau.
Dipalo tsa dinonyane tsa naga e kgolo ya Karoo.
Diphologolo tse di se nang mokokotlo: dithuto ka kakaretso.
Tekanyetso kabo- kago ya ditsela kwa diresefeng.
Ditempe /metšhine e e dueletsweng ruri ya ditempe tsa foranke.
Dikaedi tsa dithulaganyo tsa kgwebo, matlotlo, dipotso jj.
Bucklands: Tlhomo ya balemi ba ba simololang.
Tlhomo ya !
<fn>tsn_Article_National Language Services_Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso 1.txt</fn>
Maitlamo a Aforika Borwa a gore go nne le phitlhelelo ya tshedimosetso a tlotla boitlamo jwa rona jwa molaotheo jwa go tsenya tirisong tshwanelo ya botlhokwa ya phitlhelelo ya tshedimosetso e e mo diatleng tsa Puso gongwe tshedimosetso e e mo ditheong tsa poraefete.
Molao ono ke kgato e kgolo ya tlhabololo fa go lebelelwa boswa jwa sephiri jo re bo fitlhetseng go tswa mo dingwageng tse dintsi tsa puso e e neng e sa re sepe ya bonnye. Ka Molao ono re tshuba lebone go fedisa bosephiri le tidimalo e e neng e le karolo ya puso le tsamaiso ya tlhaolele.
Maitlhomomagolo a Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa bo2 wa 2000, ke go tlamela ka tshwanelo ya phitlhelelo ya tshedimosetso e e mo diatleng tsa Puso le ditheo tsa poraefete.
Tshwanelo eno e tla godisa gore go bewe dilo mo pepeneneng, go rwalwe maikaraelo gammogo le tsamaiso e e bokgoni ya ditheo tsa setšhaba le tsa poraefete. Go ya ka tshwanelo eno, e tla thusa gape batho ba rona go nna le seabe se se tletseng gammogo le go tsaya ditshwetso ka kitso jaaka re bopa sešwa setšhaba sa rona ka tshedimosetso.
O agelela gape mo motheong wa rona wa go godisa setšhaba se mo go sona batho ba Aforika Borwa ba nang le phitlhelelo e e bokgoni ya tshedimosetso e e tla ba kgontshang go diragatsa ka botlalo gammogo le go sireletsa ditshwanelo tsotlhe tsa bona.
Batho ba naga eno ba romile puso ya rona gore e diragatse diphetogo tse di tla tokafatsang boleng jwa matshelo a MaAforika Borwa otlhe. Molao ono o tla tiisa motheo ono o o tiileng o re agelelang mo godimo ga ona, mo maitekong a rona a puso e e lolameng e e maikarabelo.
Tiro e kgolo ya Molao wa Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa 2000, o o goeleditsweng ka kgwedi ya Mopitlwe 2001, ke gore go nne le seemo se mo go sona batho baagi ba Aforika Borwa ba nang le bokgoni jwa go fitlhelela tshwanelo ya go bona tshedimosetso. Molao ono o montšhwa ga o kgontshe MaAforika Borwa go diragatsa ditshwanelo tsa bona ka botlalo fela, ntlha ya botlhokwa go gaisa ke ya gore o sireletsa ditshwanelo tsotlhe tsa bona jaaka di tlhagelela mo Molaotheong. Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso ke sediriswa sa botlhokwa mo go kopanyeng ditlamelo tse di mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo jaaka o fitlhelwa mo Molaotheong.
Temokerasi ya rona ya Aforika Borwa e ikaegile ka dipilara tsa kgololesego, tekatekano gammogo le go tlotla seriti sa botho. Molao ono o montshwa ke karolo ya botlhokwa mo thulaganyong ya go lere diphetogo ka ntlha ya fa o konotelela motheo o o adilweng ka Molaotlhomo wa Ditshwanelo.
Se se neng se tlwaelegile ka puso ya tlhaolele e ne e le gore ditiro tsa puso gammogo le tsamaiso ya yona di ne di aparetswe ke sephiri le tidimalo, go bipiwa ditiro tsa bobodu le tse di seng ka fa molaong. Ka ditlhopo tsa temokerasi tsa ngwaga wa 1994, re tlhagotse tsela e ntšhwa e e rotloetsang mokgwa wa go baya dilo mo pepeneneng gammogo le go rwala maikarabelo.
Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso o naya baagi ba Aforika Borwa tshono ya go nna le bokgoni jwa go fitlhelela tshedimosetso go tswa mo pusong le mo ditheong tsa poraefete.
Molao ono o montšhwa o tlaleletsa botlhokwa jwa gore ditheo tsotlhe di dire gore ka gale di dire ditiro tse di mo molaong le go rwala maikarabelo a ditiro tsotlhe tsa tsona. Molao ono o montšhwa o goeleditswe e le kgato e nngwe ya go netefatsa botshelo jo bo botoka ka go tlamela baagi fela ka tshono ya go filthelela tshedimosetso e e leng gore kwa bofelong e ka dira gore ditheo tsa poraefete le tsa setšhaba di rwale maikarabelo a ditiro tsa tsona.
Lefapha la Ditšhelete le tshwanetse go tsenya tirisong le go tlhokomela pholesi ya tsamaiso ya ditšhelete tsa setšhaba e e lolameng, e se bofitlha e bile e le mo dinakong mo mafapheng otlhe a porofense.
Le tshwanetse go netefatsa gore go dirisiwa ditlamelo tsotlhe tsa porofense tsa ditšhelete le tse e seng tsa ditšhelete ka tsela e e maleba, e e somarelang mme gape e le bokgoni gape e nonofile. Seabe sa lona sa tshegetso ke sa go gokaganya Dipuso tsa Bosetšhaba, Porofense le Pusoselegae mo mererong ya pholesi ya tsamaiso ya ditšhelete.
Go kgontsha lefapha go diragatsa seabe sa lona sa go okamela, go tsenya tirisong le go tlhokomela dipholesi tsotlhe tsa ditšhelete mo porofenseng. Go amoetswe popegotheo e e maleba mme e tsentswe tirisong.
Go ya ka Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso, Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso o tla thapiwa go thusa Motlhankedi wa Tshedimosetso yo o thapilweng mo Porofenseng mme tiro ya gagwe e tla nna go tsamaisa thulaganyo ya phitlhelelo ya tshedimosetso/ direkoto.
Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso: Rre M.B.
Go ya ka Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa 2000, motho mongwe le mongwe o na le tetla ya go kopa phitlhelelo ya tshedimosetso nngwe le nngwe e e tshotsweng ke mmuso gongwe setheo sengwe le sengwe sa setšhaba. Gore motho a kgone go fitlhelela tshedimosetso, motho o tshwanetse go tlatsa foromo ya kopo ya phitlhelelo ya tshedimosetso. Foromo e tlapisitswe fano jaaka Mametlelelo A. Foromo eno e tshwanetse go romelwa go Motlatsamotlhankedi wa Tshedimosetso kwa dintlheng tse di fa godimo tsa kgolagano.
Motlatsamontlhankedi wa Tshedimosetso o tla swetsa gore a motho yo o dirang kopo ya tshedimosetso ke mokopi wa sebele (a kopa tshedimosetso ya gagwe ka sebele). Fa e le mokopi wa sebele ga a kitla a tlhoka go duela tuelo ya kopo. Fela fa e le mokopi (tshedimosetso e nngwe) foo gona o tshwanetse go duela tuelo ya kopo ya bokana ka R35.00 pele ga go ka simololwa ka go batla rekoto. Ka jalo, ga go kitla go tswelelwa ka kopo fa go ise go duelwe tuelo eo ya ntlha.
Fa tuelo e setse e dirilwe, Mothusamotlhankedi wa Tshedimosetso o tla laela badiri ba ba maleba go goga direkoto/ rekoto e e amegang.
Fa rekoto e setse e gogilwe, Mothusamotlhankedi wa Tshedimosetso o tla e sekaseka mme a swetse gore a e na le pabalesego e e fitlhelwang ka fa tlase ga Molao.
Fa phitlhelelo e ka rebolwa, mokopi/ mokopi wa sebele otla itsesewe ka ditshenyegelo tse di tshwanetseng go duelelwa go tlhagisiwa gape ga rekoto.
Fa go sena go amogelwa tuelo tse di maleba, go tla dirwa dikhopi tsa rekoto gongwe karolo ya yona e go rebotsweng tetla ya gore e fitlhelelwe mme e romelwe go motho yo o kopileng tshedimosetso.
Fa e le gore phitlhelelo ga e a rebolwa, motho yo o kopileng phitlhelelo ya yona, o tla itsesewe ka seo gammogo le mabaka a kganelo eo, gammogo le dithulaganyo tse di maleba tsa boikuelo tse a ka di latelang.
Direkoto tsa Lefapha la Ditšhelete di aroganngwa go ya ka direkoto tsa makwalo le direkoto tse dingwe tse e seng makwalo (direkoto tse dingwe).
Direkoto tsa makwalo di tlhagelela mo rejisetareng ya difaele tse di buletsweng dithulaganyo tsa go faela tse di tshwanang tsa tshetso le tsa badiri gammogo le thulaganyo ya go faela ya ditiro tsa ka gale e e leng ya Lefapha fela.
Direkoto tse dingwe tse e seng tsa makwalo di tlhagelela mo sejuleng ya taolo ya direkoto. Lefapha la Ditšhelete le ne le sa aroganya le go laola direkoto tsa lona go ya ka ditaelo tsa diakhaefe go fitlha ka kgwedi ya Tlhakole, 2001.
Ga jaana direkoto di faelwa go tswa kwa morago go ya ka dithulaganyo tse di rebotsweng tsa go faela le sejule ya taolo ya direkoto. Thulaganyo eno e ya go tsaya sebaka se seleele ka ntlha ya fa e akaretsa direkoto tsotlhe tsa go tloga ka 1994. Fa direkoto tse di sa aroganngwang di ntse di faelwa go tswa kwa morago, manyuale ono o tla nna o bewa mo dinakong mme dikhopi di fetisediwa go Komišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa gangwe le gape.
a. DIPOTSISO TEBANG LE PHOLESI MME DI SA LEBISE KWA GORENG GO TLHAMIWE PHOLESI E NTŠHWA KGOTSA THANOLO E E BAAKANTSWENG YA PHOLESI E E GONA.
b. GO SAMAGANA LE DIKGETSE TSA BATHO KA BONGWE KA BONGWE MME DI SA LEBISE KWA GO RENG GO TLHAMIWE PHOLESI E NTŠHWA GONGWE GO BAAKANGWA GA PHOLESI YA GA JAANA.
c. DIKGETSE TSE DI MALEBANA LE NTLHAKGOLO GONGWE DINTLHANA KA KAKARETSO, FELA E SE MERERO YA PHOLESI, GAMMOGO LE DINTLHA TSE DI TLHAOTSWENG TSA MORERO O O RILENG O GO SENANG FAELE YA ONA. MO MABAKENG A A JALO, MOTSAMAISI WA DIREKOTO O TSHWANETSE GO BUISANA LE MOAKHAEFE WA POROFENSE GORE GO TLE GO BULWE DIFAELE TSE DI MALEBA.
Taolo ya sejule e mo magetleng a Motsamaisi wa Direkoto. Ga go a tshwanela go dirwa dipaakanyo le/ kgotsa ditlaleletso dipe mo sejuleng ntle le tumelelo ya motlhankedi yono.
Dipaakanyo tsotlhe le ditlaleletso di tshwanetse go tlisiwa gangwe le gape go Moakhaefe wa Porofense gore a di kwale, a di rebole mme a ntshe tetla ya gore di tlosiwe.
Khopikgolo ya sejule ya taolo ya direkoto e faelwa mo sephuthelong se sele mme e supiwa jalo mo sephuthelong se se ka fa ntle. Khopi e tsholwa ke motlhankedi yo o kailweng fa godimo yo o tshwanetseng go netefatsa gore e tsholwa e le mo dinakong le gore ditaelo tsa tema 2 di a tswelediwa.
Fa go setse go rebotswe tetla ya go tlosiwa ga dilo tse di mo sejuleng ya taolo ya direkoto, go tshwanetse ga tsenngwa tirisong rejisetara ya tshenyo. Rejisetara eno e arogantswe ka dingwaga, go fa sekai, 2002, 2003, 2004, jalo le jalo. Fa ntlha e tswalwa, nomorotshupetso ya yona e tshwanetse go tsenngwa ka fa tlase ga ngwaga e e tla senngwang ka yona. Ka jalo, ntlha e e tswetsweng ka ngwaga wa 2002, e taelo ya yona ya go senngwa e leng D3, e tla tsenngwa ka fa tlase ga ngwaga wa 2005, mme ka go dira jalo go lemosega sentle gore ke dintlha dife tse di tshwanetseng go senngwa mo ngwageng o o rileng. Go atlenegisiwa tiriso ya setlami se se sa kopanang gonne go sa kgonege gore go ka itsewe pele ga nako, palo ya ditsebe tse di tla tlhokegang ka ngwaga.
Go tshwanetse ga tlosiwa dilo gangwe le gape - bonnye gangwe ka ngwaga - mme fa go dirwa jalo, setifikeiti se se rebotsweng sa tshenyo se isiwe go Moakhaefe wa Porofense.
Dilo tsotlhe di tshwanetse go supiwa mo sephuthelong se se ka fa ntle ka nomoro le leina jaaka di tlhagelela mo sejuleng ya taolo ya direkoto gammogo le ka taelo e e maleba ya tshenyo. Nomoro le taelo ya tshenyo di tshwanetse go kwalwa mo bolokong ya khutlonne.
A2O. - Fetisetsa go botsenyo jwa diakhaefe mo dingwageng di le 20morago ga bokhutlo jwa ngwaga e direkoto di dirilweng ka ona.
AP - Di ka nna mo matsogong a setheo sebaka se se sa lekanyediwang. Fa go tlosiwa, sekai, fa kantoro e tswalelwa gongwe go tlosiwa dithoto, di tshwanetse go fetisediwa kwa botsenyong jwa diakhaefe.
DAU - Senya ka gangwe fela fa go sena go fediwa go runiwa.
Direjisetara 1. Dituelo tsa Telkom Karolo ya Palotlotlo tsa Ditšhelete 2. Direjisetara tsa ketleetso ya mhago Karolo ya Palotlotlo le maeto Tsa mafapha otlhe.
Direjesetara tsa hatekhopi Dituelo Karolo ya Palotlotlo tse di dirilweng, lotseno la lekgetho fa e sale ka ngwaga wa 1994.
Go sa 2. Khopikgolo ya thulaganyo ya go faela Tlhogo ya bokwadisetso akarediwe 3. Sejule ya Taolo ya Direkoto Tlhogo ya bokwadisetso direjisetara tsa 4.
Rejisetara ya makwalo a a tswelang Bokwadisetso jwa magareng kwa ntle.
Direjisetara 1. Taolo ya Phetolo ya Thulaganyo Teseke ya Thuso ya Persal tsa 2.
Lefapha la Ditšhelete le tlamela mafapha a mangwe ka ditirelo. Lefapha le thusa mafapha a mangwe go a kgontsha go tlamela setšhaba ka ditirelo.
Lefapha le tla tlamela ditlhopa tse di nang le kgatlhego dikhopi tsa Dikanego tsa Tekanyetsokabo tsa ngwaga e nngwe le e nngwe fa go kopiwa jalo.
Kantoro ya Boto ya Dithenkara ya Porofense e itsese setšhaba ka dithendara tse di phasaladitsweng mme e ntsha dikwalo tsa dithendara gammogo le go tlamela ka katiso ya ditsela tsa go thendara go setšhaba / ditlhopa tse di nang le kgatlhego fa go kopiwa jalo.
Kantoro ya Boto ya Dithendara ya Porofense e tlamela ka katiso le thuso go mafapha go netefatsa gore a ikobela dipholesi tsa theko ya dithoto.
Lephata la Ramatlotlo la Porofense le netefatsa gore go dirisiwa mekgwa ya ditšhelete e e seng bofitlha le gore go phasaladiwa dikanego tse di ikanyegang tsa ditšhelete gore batho ba di bone.
Lefapha la Ditšhelete le nna le dikamano tse di tswelelang le mafapha a mangwe a porofense ka setheo sa Batlhankedibagolo ba Ditšhelete, thulaganyo ya dikanego tsa tekanyetsokabo tsa ngwaga le ngwaga gammogo le ditlhagiso tsa khansele ya tekanyetsokabo ya mafapha ngwaga le ngwaga. Ka dikamano tse di fa godimo, mafapha a manwe a porofense a newa kaelo go tokafatsa ditirelo go badirisi (baagi). Go newa Lephata la Bosetshaba la Ramatlotlo gammogo le Mokhuduthamaba dipegelo gangwe le gape go netefatsa gore go tlamelwa badirisi botlhe ka ditirelo tse di lekaneng.
Kantoro ya Boto ya Dithendara ya Porofense e tlamela Bagwebipotlana le Ba ba neng ba tlhokile ditshono mo nakong e e fetileng ka katiso mme e gokagana ka tlhamalalo le ditokololo tsa mekgatlho ya kgwebo go utlwa megopolo ya bona malebana le ditaelo tsa pholesi tse di maleba.
Fa Motlhankedi wa Tshedimosetso a ka gana go rebola tetla ya phitlhelelo ya rekoto nngwe fela e e tshotsweng ke Mmuso, kgotsa Setheo sa Setshaba, motho yo o dirang kopo ya tshedimosetso o na le tshwanelo ya go dira boikuelo kgatlhanong le tshwetso eo. Karolo e nngwe ya seno ke ya gore, fa go ka rebolwa tetla ya phitlhelelo ya rekoto e e amang motho mongwe wa boraro, motho yoo wa boraro o na le tshwanelo ya go ikuela kgatlhanong le tshwetso eo. Boikuelo joo bo tla sekwasekwa ke Bothati jo bo maleba. Bothati jo bo Maleba bo tla sekaseka kopo le rekoto go ya ka dithebolo tsa Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa 2000.
Fa go ka fitlhelwa gore kopo eo e ganetswe go ne go sa tshwanela, Bothati jo bo Maleba bo tla busetsa morago tshwetso ya ntlha ya Motlhankedi wa Tshedimosetso mme bo rebole tetla ya go fitlhelela rekoto. Jaanong mokopi o tla itsesewe ka tshwetso eo gammogo le dituelo tse di maleba tse di tshwanetseng go duelelwa go tlhagisiwa gape ga rekoto eo gongwe karolo ya yona.
Mo go fitlhelwang gore Bothati jo bo Maleba bo tshegetsa tshwetso ya Motlhankedi wa Tshedimosetso ya go gana ka tetla ya phitlhelelo ya rekoto, mokopi o tla itsesewe ka tshwetso eo. Mokopi o tla itsesewe gape ka dikgato tse dingwe tsa tshiamiso.
Fa go setse go dirisitswe dikgato tsotlhe tsa tshiamiso tsa ka fa gare jaaka di supilwe ke Setheo sa Setshaba, mokopi o na le tshwanelo ya go ikuela kwa kgotlatshekelo.
Bo tshwanetse go tsenngwa mo foromong e e rebotsweng (jaaka go totobaditswe ke Setheo sa Setšhaba) mo sebakeng sa malatsi a le 60 le malatsi a le 30 fa e le boikuelo jwa motho wa boraro.
Bo tshwanetse go isiwa gongwe go fetisediwa go Motlhankedi wa Tshedimosetso wa setheo sa setšhaba se se amegang kwa dintlheng tsa gagwe tsa kgolagano.
Bo tshwanetse go supa setlhogo sa kgang ya boikuelo jwa ka fa gare.
Bo tshwanetse go supa mabaka a boikuelo jwa ka fa gare.
Bo ka akaretsa tshedimosetso e nngwe le e nngwe e e maleba e motho yo o dirang boikuelo a nang le yona.
Fa motho yo o ikuelang a batla gore mo godimo ga karabo e e kwadilweng, a ka arabiwa ka mokgwa mongwe gape, o tshwanetse go tlhalosa gore o eletsa go itsesewe jang ka seno gammogo le go tlamela ka dintlha tse di maleba gore a tle a itsesewe ka mokgwa oo.
Fa go ka nna le tuelo ya boikuelo, e tshwanetse go tla le boikuelo jo bo kwadilweng fa bo ya go Motlhankedi wa Tshedimosetso. Tuelo e e rebotsweng ya boikuelo, fa e le gona, e tshwanetse go duelwa. Fa go ka seke ga duelwa tuelo ya boikuelo, tshwetso ya boikuelo joo e ka emisiwa go fitlhelela ka nako e go tla bong go duetswe.
Boikuelo jo bo kwadilweng bo tshwanetse go tlhalosa aterese ya poso gongwe nomoro ya fekese.
Fa boikuelo bo tsenngwa morago ga paka e e beilweng, e leng ya malatsi a le 60/ 30, Bothati jo bo Maleba bo tshwanetse gore morago ga go amogela mabaka a a utlwalang, bo letle gore go tsenngwe boikuelo jo bo thari jwa ka fa gare. Fa bothati jo bo maleba bo sa letle gore go tsenngwe boikuelo jo bo thari jwa ka fa gare, bo tshwanetse go itsese motho yo o tsentseng boikuelo jwa ka fa gare ka tshwetso eo.
Dintlha tsa kgokagano tsa motho mongwe le mongwe wa boraro yo o tshwanetseng go itsesewe.
Fa Bothati jo bo Maleba bo sa ntse bo lebeletse boikuelo jwa ka fa gare kgatlhanong le kganelo ya kopo ya phitlhelo ya rekoto e e amang motho wa boraro, Bothati jo bo Maleba bo tshwanetse go itsese motho yoo wa boraro ka ga boikuelo jwa ka fa gare, ntle le fa dikgato tsa go batla motho wa boraro di iteile se folletse. Mo mabakeng a mo go ona motho wa boraro a itsisetsweng, motho wa boraro o tshwanetse go letlelelwa go dira tlhagiso e e kwadilweng gongwe ya molomo.
Fa motho wa boraro a sa bonagala, ntlha ya gore motho wa boraro ga a nna le tshono ya go dira tlhagiso le gore goreng boikuelo jwa ka fa gare bo tshwanetse go tshololwa.
Bothati jo bo Maleba bo ka tlhomamisa tshwetso ya ntlha gongwe a ka ntsha tshwetso e ntshwa. Tshwetso ya boikuelo jwa ka fa gare e tshwanetse go dirwa mo sebakeng sa malatsi a le 30 morago ga go amogela boikuelo jwa ka fa gare. Morago fela ga gore go tsewe tshwetso, Bothati jo bo Maleba bo tshwanetse go itsese motho yo o dirileng boikuelo ka tshwetso, motho mongwe le mongwe wa boraro gammogo le mokopi, mme bo leke ka moo go ka kgonegang ka gona gore go itsesewe motho yo o dirileng boikuelo ka sebopego se a se kopileng.
Tlhagisa gore maphata a a amegang, e leng, motho yo o dirang boikuelo, motho wa boraro jalo le jalo, ba ka tsenya kopo ya kgotlatshekelo kgatlhanong le tshwetso ya boikuelo jwa ka fa gare mo sebakeng sa malatsi a le 60 kgotsa 30 (motho wa boraro).
Fa go setse go diragaditswe dithulaganyo tsotlhe tsa boikuelo jwa ka fa gare, mokopi o na le tshwanelo ya go fitlhelela kgotlatshekelo go ikuela go ya pele.
Nomoro ya tshupetso:...
Kopo e amogetswe ke...
Tlhalosa maemo, leina le sefane motlhankedi wa tshedimosetso/ mothusamotlhankedi wa tshedimosetso ka letlha kwa ...lefelo.
Tuelo ya kopo (fa ele gona): R...
Depositi (fa e le gona): R...
Tuelo ya phitlhelelo: R...
B. Dintlha tsa motho yo o dirang kopo ya go fitlhelela direkoto a Dintlha tsa motho yo o dirang kopo ya phitlhelelo ya rekoto dit shwanetse go kwalwa fa tlase..
b Tlhagisa aterese le/kgotsa nomoro ya fekese mo Repaboliking koo tshedimosetso e tshwanetseng go romelwa gona.
c Go tsenngwe bopaki jwa seemo se kopo e dirwang ka sona, fa go le maleba.
Maina ka botlalo le sefane:...
Aterese ya Poso:...
Nomoro ya Fekese:...
Nomoro ya mogala: Aterese ya Poso ya E:...
Karolo eno e tshwanetse go tladiwa fa FELA kopo ya tshedimosetso e dirwa mo boemong jwa motho yo mongwe.
Maina ka botlalo le sefane:...
D. Dintlha ka ga rekoto a Tlamela dintlha ka botlalo tebang le rekoto e go kopiwang phitlhelelo ya yona, go akarediwa le nomoro ya tshupetso fa o e itse, go kgontsha gore rekoto e kgone go bonwa.
b Fa sebaka se se tlametsweng se sa lekana o kopiwa tsweetswee go tswelela mo tsebeng e nngwe mme o e kopanye le foromo eno. Mokopi o tshwanetse go saena ditsebe tsotlhe tsa tlaleletso.
Nomoro ya tshupetso, fa e le gona:...
Dintlha dingwe tsa tlaleletso ka ga rekoto:...
E. Dituelo a Kopo ya phitlhelelo ya rekoto, ntle le ya rekoto e e nang le tshedimosetso ya sebele ka ga gago, e tla tswelediwa fela morago ga gore tuelo ya kopo e duelwe.
b O tla itsesewe ka tlhotlhwa e e tshwanetseng go duelwa jaaka tuelo ya kopo.
c Tuelo e e duelelwang phitlhelelo ya rekoto e laolwa ke sebopego se phitlhelelo e batliwang ka sona gammogo le nako e e utlwalang e e tlhokegang go batla le go siamisa rekoto.
d Fa o na le tetlo ya go gololwa mo tuelong ya tuelo nngwe fela, tsweetswee tlhalosa mabaka a seo.
Mabaka a go gololwa mo go dueleng dituelo:...
Fa o thibelwa ke go sa itekanelang sentle mo mmeleng go buisa, go bogela gongwe go reetsa rekoto ka sebopego sa phitlhelelo se go tlametsweng ka sona mo 1 le 4 fa tlase fano, tlhalosa bogole jo bo mo mmeleng ga gago mme o tlhalose gore o kopa rekoto ka sebopego sefe.
Tshwaya bokoso e e maleba ka "X".
a Tlhagiso ya gago tebang le sebopego se se kopiwang sa phitlhelelo e laolwa ke sebopego se rekoto e leng mo go sona.
b Phitlhelelo mo sebopegong se e kopilweng ka sona e ka ilediwa mo mabakeng mangwe. Mo mabakeng ao, o tla itsesewe fa e le gore phitlhelelo e ka rebolwa ka sebopego se sengwe.
Fa rekoto e na le ditshwantsho tse di bogelwang - tsona di akaretsa ditshwantsho, diselaete, ditshwantsho tsa video, ditshwantsho tse di dirilweng ka khomphiutara, dithadiso, jalo le jalo.
Fa o kopile khopi kgotsa kgatiso ya rekoto (fa godimo), a o eletsa gore khopi gongwe kgatiso e romelwe ka poso kwa go wena?
Go na le tuelo ya go posa.
Ela tlhoko gore fa rekoto e seo ka puo e o e tlhopileng, o ka newa phitlhelelo ka puo e rekoto e leng mo go yona.
O ka eletsa gore rekoto e nne mo puong efe..?
O tla itsesewe ka lekwalo gore a kopo ya gago e rebotswe/ ganetswe. Fa o eletsa gore o itsesewe ka mokgwa mongwe fela, tsweetswee tlhalosa mokgwa oo mme o tlamele ka dintlha tse di botlhokwa go kgontsha gore go ikobelwe kopo ya gago.
O ka eletsa go itsesewe jang ka ga tshwetso tebang le kopo ya gago ya go fitlheloela rekoto..?
E saenilwe kwa ka letsatsi la...la ...20...
<fn>tsn_Article_National Language Services_Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso 2.txt</fn>
Maitlamo a Aforika Borwa a gore go nne le phitlhelelo ya tshedimosetso a tlotla boitlamo jwa rona jwa molaotheo jwa go tsenya tirisong tshwanelo ya botlhokwa ya phitlhelelo ya tshedimosetso e e mo diatleng tsa Puso gongwe tshedimosetso e e mo ditheong tsa poraefete.
Molao ono ke kgato e kgolo ya tlhabololo fa go lebelelwa boswa jwa sephiri jo re bo fitlhetseng go tswa mo dingwageng tse dintsi tsa puso e e neng e sa re sepe ya bonnye. Ka Molao ono re tshuba lebone go fedisa bosephiri le tidimalo e e neng e le karolo ya puso le tsamaiso ya tlhaolele.
Maitlhomomagolo a Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa bo2 wa 2000, ke go tlamela ka tshwanelo ya phitlhelelo ya tshedimosetso e e mo diatleng tsa Puso le ditheo tsa poraefete.
Tshwanelo eno e tla godisa gore go bewe dilo mo pepeneneng, go rwalwe maikaraelo gammogo le tsamaiso e e bokgoni ya ditheo tsa setšhaba le tsa poraefete. Go ya ka tshwanelo eno, e tla thusa gape batho ba rona go nna le seabe se se tletseng gammogo le go tsaya ditshwetso ka kitso jaaka re bopa sešwa setšhaba sa rona ka tshedimosetso.
O agelela gape mo motheong wa rona wa go godisa setšhaba se mo go sona batho ba Aforika Borwa ba nang le phitlhelelo e e bokgoni ya tshedimosetso e e tla ba kgontshang go diragatsa ka botlalo gammogo le go sireletsa ditshwanelo tsotlhe tsa bona.
Batho ba naga eno ba romile puso ya rona gore e diragatse diphetogo tse di tla tokafatsang boleng jwa matshelo a MaAforika Borwa otlhe. Molao ono o tla tiisa motheo ono o o tiileng o re agelelang mo godimo ga ona, mo maitekong a rona a puso e e lolameng e e maikarabelo.
Tiro e kgolo ya Molao wa Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa 2000, o o goeleditsweng ka kgwedi ya Mopitlwe 2001, ke gore go nne le seemo se mo go sona batho baagi ba Aforika Borwa ba nang le bokgoni jwa go fitlhelela tshwanelo ya go bona tshedimosetso. Molao ono o montšhwa ga o kgontshe MaAforika Borwa go diragatsa ditshwanelo tsa bona ka botlalo fela, ntlha ya botlhokwa go gaisa ke ya gore o sireletsa ditshwanelo tsotlhe tsa bona jaaka di tlhagelela mo Molaotheong. Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso ke sediriswa sa botlhokwa mo go kopanyeng ditlamelo tse di mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo jaaka o fitlhelwa mo Molaotheong.
Temokerasi ya rona ya Aforika Borwa e ikaegile ka dipilara tsa kgololesego, tekatekano gammogo le go tlotla seriti sa botho. Molao ono o montshwa ke karolo ya botlhokwa mo thulaganyong ya go lere diphetogo ka ntlha ya fa o konotelela motheo o o adilweng ka Molaotlhomo wa Ditshwanelo.
Se se neng se tlwaelegile ka puso ya tlhaolele e ne e le gore ditiro tsa puso gammogo le tsamaiso ya yona di ne di aparetswe ke sephiri le tidimalo, go bipiwa ditiro tsa bobodu le tse di seng ka fa molaong. Ka ditlhopo tsa temokerasi tsa ngwaga wa 1994, re tlhagotse tsela e ntšhwa e e rotloetsang mokgwa wa go baya dilo mo pepeneneng gammogo le go rwala maikarabelo.
Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso o naya baagi ba Aforika Borwa tshono ya go nna le bokgoni jwa go fitlhelela tshedimosetso go tswa mo pusong le mo ditheong tsa poraefete.
Molao ono o montšhwa o tlaleletsa botlhokwa jwa gore ditheo tsotlhe di dire gore ka gale di dire ditiro tse di mo molaong le go rwala maikarabelo a ditiro tsotlhe tsa tsona. Molao ono o montšhwa o goeleditswe e le kgato e nngwe ya go netefatsa botshelo jo bo botoka ka go tlamela baagi fela ka tshono ya go filthelela tshedimosetso e e leng gore kwa bofelong e ka dira gore ditheo tsa poraefete le tsa setšhaba di rwale maikarabelo a ditiro tsa tsona.
Lefapha la Ditšhelete le tshwanetse go tsenya tirisong le go tlhokomela pholesi ya tsamaiso ya ditšhelete tsa setšhaba e e lolameng, e se bofitlha e bile e le mo dinakong mo mafapheng otlhe a porofense.
Le tshwanetse go netefatsa gore go dirisiwa ditlamelo tsotlhe tsa porofense tsa ditšhelete le tse e seng tsa ditšhelete ka tsela e e maleba, e e somarelang mme gape e le bokgoni gape e nonofile. Seabe sa lona sa tshegetso ke sa go gokaganya Dipuso tsa Bosetšhaba, Porofense le Pusoselegae mo mererong ya pholesi ya tsamaiso ya ditšhelete.
Go kgontsha lefapha go diragatsa seabe sa lona sa go okamela, go tsenya tirisong le go tlhokomela dipholesi tsotlhe tsa ditšhelete mo porofenseng. Go amoetswe popegotheo e e maleba mme e tsentswe tirisong.
Go ya ka Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso, Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso o tla thapiwa go thusa Motlhankedi wa Tshedimosetso yo o thapilweng mo Porofenseng mme tiro ya gagwe e tla nna go tsamaisa thulaganyo ya phitlhelelo ya tshedimosetso/ direkoto.
Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso: Rre M.B.
Go ya ka Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa 2000, motho mongwe le mongwe o na le tetla ya go kopa phitlhelelo ya tshedimosetso nngwe le nngwe e e tshotsweng ke mmuso gongwe setheo sengwe le sengwe sa setšhaba. Gore motho a kgone go fitlhelela tshedimosetso, motho o tshwanetse go tlatsa foromo ya kopo ya phitlhelelo ya tshedimosetso. Foromo e tlapisitswe fano jaaka Mametlelelo A. Foromo eno e tshwanetse go romelwa go Motlatsamotlhankedi wa Tshedimosetso kwa dintlheng tse di fa godimo tsa kgolagano.
Motlatsamontlhankedi wa Tshedimosetso o tla swetsa gore a motho yo o dirang kopo ya tshedimosetso ke mokopi wa sebele (a kopa tshedimosetso ya gagwe ka sebele). Fa e le mokopi wa sebele ga a kitla a tlhoka go duela tuelo ya kopo. Fela fa e le mokopi (tshedimosetso e nngwe) foo gona o tshwanetse go duela tuelo ya kopo ya bokana ka R35.00 pele ga go ka simololwa ka go batla rekoto. Ka jalo, ga go kitla go tswelelwa ka kopo fa go ise go duelwe tuelo eo ya ntlha.
Fa tuelo e setse e dirilwe, Mothusamotlhankedi wa Tshedimosetso o tla laela badiri ba ba maleba go goga direkoto/ rekoto e e amegang.
Fa rekoto e setse e gogilwe, Mothusamotlhankedi wa Tshedimosetso o tla e sekaseka mme a swetse gore a e na le pabalesego e e fitlhelwang ka fa tlase ga Molao.
Fa phitlhelelo e ka rebolwa, mokopi/ mokopi wa sebele otla itsesewe ka ditshenyegelo tse di tshwanetseng go duelelwa go tlhagisiwa gape ga rekoto.
Fa go sena go amogelwa tuelo tse di maleba, go tla dirwa dikhopi tsa rekoto gongwe karolo ya yona e go rebotsweng tetla ya gore e fitlhelelwe mme e romelwe go motho yo o kopileng tshedimosetso.
Fa e le gore phitlhelelo ga e a rebolwa, motho yo o kopileng phitlhelelo ya yona, o tla itsesewe ka seo gammogo le mabaka a kganelo eo, gammogo le dithulaganyo tse di maleba tsa boikuelo tse a ka di latelang.
Direkoto tsa Lefapha la Ditšhelete di aroganngwa go ya ka direkoto tsa makwalo le direkoto tse dingwe tse e seng makwalo (direkoto tse dingwe).
Direkoto tsa makwalo di tlhagelela mo rejisetareng ya difaele tse di buletsweng dithulaganyo tsa go faela tse di tshwanang tsa tshetso le tsa badiri gammogo le thulaganyo ya go faela ya ditiro tsa ka gale e e leng ya Lefapha fela.
Direkoto tse dingwe tse e seng tsa makwalo di tlhagelela mo sejuleng ya taolo ya direkoto. Lefapha la Ditšhelete le ne le sa aroganya le go laola direkoto tsa lona go ya ka ditaelo tsa diakhaefe go fitlha ka kgwedi ya Tlhakole, 2001.
Ga jaana direkoto di faelwa go tswa kwa morago go ya ka dithulaganyo tse di rebotsweng tsa go faela le sejule ya taolo ya direkoto. Thulaganyo eno e ya go tsaya sebaka se seleele ka ntlha ya fa e akaretsa direkoto tsotlhe tsa go tloga ka 1994. Fa direkoto tse di sa aroganngwang di ntse di faelwa go tswa kwa morago, manyuale ono o tla nna o bewa mo dinakong mme dikhopi di fetisediwa go Komišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa gangwe le gape.
a. DIPOTSISO TEBANG LE PHOLESI MME DI SA LEBISE KWA GORENG GO TLHAMIWE PHOLESI E NTŠHWA KGOTSA THANOLO E E BAAKANTSWENG YA PHOLESI E E GONA.
b. GO SAMAGANA LE DIKGETSE TSA BATHO KA BONGWE KA BONGWE MME DI SA LEBISE KWA GO RENG GO TLHAMIWE PHOLESI E NTŠHWA GONGWE GO BAAKANGWA GA PHOLESI YA GA JAANA.
c. DIKGETSE TSE DI MALEBANA LE NTLHAKGOLO GONGWE DINTLHANA KA KAKARETSO, FELA E SE MERERO YA PHOLESI, GAMMOGO LE DINTLHA TSE DI TLHAOTSWENG TSA MORERO O O RILENG O GO SENANG FAELE YA ONA. MO MABAKENG A A JALO, MOTSAMAISI WA DIREKOTO O TSHWANETSE GO BUISANA LE MOAKHAEFE WA POROFENSE GORE GO TLE GO BULWE DIFAELE TSE DI MALEBA.
Taolo ya sejule e mo magetleng a Motsamaisi wa Direkoto. Ga go a tshwanela go dirwa dipaakanyo le/ kgotsa ditlaleletso dipe mo sejuleng ntle le tumelelo ya motlhankedi yono.
Dipaakanyo tsotlhe le ditlaleletso di tshwanetse go tlisiwa gangwe le gape go Moakhaefe wa Porofense gore a di kwale, a di rebole mme a ntshe tetla ya gore di tlosiwe.
Khopikgolo ya sejule ya taolo ya direkoto e faelwa mo sephuthelong se sele mme e supiwa jalo mo sephuthelong se se ka fa ntle. Khopi e tsholwa ke motlhankedi yo o kailweng fa godimo yo o tshwanetseng go netefatsa gore e tsholwa e le mo dinakong le gore ditaelo tsa tema 2 di a tswelediwa.
Fa go setse go rebotswe tetla ya go tlosiwa ga dilo tse di mo sejuleng ya taolo ya direkoto, go tshwanetse ga tsenngwa tirisong rejisetara ya tshenyo. Rejisetara eno e arogantswe ka dingwaga, go fa sekai, 2002, 2003, 2004, jalo le jalo. Fa ntlha e tswalwa, nomorotshupetso ya yona e tshwanetse go tsenngwa ka fa tlase ga ngwaga e e tla senngwang ka yona. Ka jalo, ntlha e e tswetsweng ka ngwaga wa 2002, e taelo ya yona ya go senngwa e leng D3, e tla tsenngwa ka fa tlase ga ngwaga wa 2005, mme ka go dira jalo go lemosega sentle gore ke dintlha dife tse di tshwanetseng go senngwa mo ngwageng o o rileng. Go atlenegisiwa tiriso ya setlami se se sa kopanang gonne go sa kgonege gore go ka itsewe pele ga nako, palo ya ditsebe tse di tla tlhokegang ka ngwaga.
Go tshwanetse ga tlosiwa dilo gangwe le gape - bonnye gangwe ka ngwaga - mme fa go dirwa jalo, setifikeiti se se rebotsweng sa tshenyo se isiwe go Moakhaefe wa Porofense.
Dilo tsotlhe di tshwanetse go supiwa mo sephuthelong se se ka fa ntle ka nomoro le leina jaaka di tlhagelela mo sejuleng ya taolo ya direkoto gammogo le ka taelo e e maleba ya tshenyo. Nomoro le taelo ya tshenyo di tshwanetse go kwalwa mo bolokong ya khutlonne.
A2O. - Fetisetsa go botsenyo jwa diakhaefe mo dingwageng di le 20morago ga bokhutlo jwa ngwaga e direkoto di dirilweng ka ona.
AP - Di ka nna mo matsogong a setheo sebaka se se sa lekanyediwang. Fa go tlosiwa, sekai, fa kantoro e tswalelwa gongwe go tlosiwa dithoto, di tshwanetse go fetisediwa kwa botsenyong jwa diakhaefe.
DAU - Senya ka gangwe fela fa go sena go fediwa go runiwa.
Direjisetara 1. Dituelo tsa Telkom Karolo ya Palotlotlo tsa Ditšhelete 2. Direjisetara tsa ketleetso ya mhago Karolo ya Palotlotlo le maeto Tsa mafapha otlhe.
Direjesetara tsa hatekhopi Dituelo Karolo ya Palotlotlo tse di dirilweng, lotseno la lekgetho fa e sale ka ngwaga wa 1994.
Go sa 2. Khopikgolo ya thulaganyo ya go faela Tlhogo ya bokwadisetso akarediwe 3. Sejule ya Taolo ya Direkoto Tlhogo ya bokwadisetso direjisetara tsa 4.
Rejisetara ya makwalo a a tswelang Bokwadisetso jwa magareng kwa ntle.
Direjisetara 1. Taolo ya Phetolo ya Thulaganyo Teseke ya Thuso ya Persal tsa 2.
Lefapha la Ditšhelete le tlamela mafapha a mangwe ka ditirelo. Lefapha le thusa mafapha a mangwe go a kgontsha go tlamela setšhaba ka ditirelo.
Lefapha le tla tlamela ditlhopa tse di nang le kgatlhego dikhopi tsa Dikanego tsa Tekanyetsokabo tsa ngwaga e nngwe le e nngwe fa go kopiwa jalo.
Kantoro ya Boto ya Dithenkara ya Porofense e itsese setšhaba ka dithendara tse di phasaladitsweng mme e ntsha dikwalo tsa dithendara gammogo le go tlamela ka katiso ya ditsela tsa go thendara go setšhaba / ditlhopa tse di nang le kgatlhego fa go kopiwa jalo.
Kantoro ya Boto ya Dithendara ya Porofense e tlamela ka katiso le thuso go mafapha go netefatsa gore a ikobela dipholesi tsa theko ya dithoto.
Lephata la Ramatlotlo la Porofense le netefatsa gore go dirisiwa mekgwa ya ditšhelete e e seng bofitlha le gore go phasaladiwa dikanego tse di ikanyegang tsa ditšhelete gore batho ba di bone.
Lefapha la Ditšhelete le nna le dikamano tse di tswelelang le mafapha a mangwe a porofense ka setheo sa Batlhankedibagolo ba Ditšhelete, thulaganyo ya dikanego tsa tekanyetsokabo tsa ngwaga le ngwaga gammogo le ditlhagiso tsa khansele ya tekanyetsokabo ya mafapha ngwaga le ngwaga. Ka dikamano tse di fa godimo, mafapha a manwe a porofense a newa kaelo go tokafatsa ditirelo go badirisi (baagi). Go newa Lephata la Bosetshaba la Ramatlotlo gammogo le Mokhuduthamaba dipegelo gangwe le gape go netefatsa gore go tlamelwa badirisi botlhe ka ditirelo tse di lekaneng.
Kantoro ya Boto ya Dithendara ya Porofense e tlamela Bagwebipotlana le Ba ba neng ba tlhokile ditshono mo nakong e e fetileng ka katiso mme e gokagana ka tlhamalalo le ditokololo tsa mekgatlho ya kgwebo go utlwa megopolo ya bona malebana le ditaelo tsa pholesi tse di maleba.
Fa Motlhankedi wa Tshedimosetso a ka gana go rebola tetla ya phitlhelelo ya rekoto nngwe fela e e tshotsweng ke Mmuso, kgotsa Setheo sa Setshaba, motho yo o dirang kopo ya tshedimosetso o na le tshwanelo ya go dira boikuelo kgatlhanong le tshwetso eo. Karolo e nngwe ya seno ke ya gore, fa go ka rebolwa tetla ya phitlhelelo ya rekoto e e amang motho mongwe wa boraro, motho yoo wa boraro o na le tshwanelo ya go ikuela kgatlhanong le tshwetso eo. Boikuelo joo bo tla sekwasekwa ke Bothati jo bo maleba. Bothati jo bo Maleba bo tla sekaseka kopo le rekoto go ya ka dithebolo tsa Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa 2000.
Fa go ka fitlhelwa gore kopo eo e ganetswe go ne go sa tshwanela, Bothati jo bo Maleba bo tla busetsa morago tshwetso ya ntlha ya Motlhankedi wa Tshedimosetso mme bo rebole tetla ya go fitlhelela rekoto. Jaanong mokopi o tla itsesewe ka tshwetso eo gammogo le dituelo tse di maleba tse di tshwanetseng go duelelwa go tlhagisiwa gape ga rekoto eo gongwe karolo ya yona.
Mo go fitlhelwang gore Bothati jo bo Maleba bo tshegetsa tshwetso ya Motlhankedi wa Tshedimosetso ya go gana ka tetla ya phitlhelelo ya rekoto, mokopi o tla itsesewe ka tshwetso eo. Mokopi o tla itsesewe gape ka dikgato tse dingwe tsa tshiamiso.
Fa go setse go dirisitswe dikgato tsotlhe tsa tshiamiso tsa ka fa gare jaaka di supilwe ke Setheo sa Setshaba, mokopi o na le tshwanelo ya go ikuela kwa kgotlatshekelo.
Bo tshwanetse go tsenngwa mo foromong e e rebotsweng (jaaka go totobaditswe ke Setheo sa Setšhaba) mo sebakeng sa malatsi a le 60 le malatsi a le 30 fa e le boikuelo jwa motho wa boraro.
Bo tshwanetse go isiwa gongwe go fetisediwa go Motlhankedi wa Tshedimosetso wa setheo sa setšhaba se se amegang kwa dintlheng tsa gagwe tsa kgolagano.
Bo tshwanetse go supa setlhogo sa kgang ya boikuelo jwa ka fa gare.
Bo tshwanetse go supa mabaka a boikuelo jwa ka fa gare.
Bo ka akaretsa tshedimosetso e nngwe le e nngwe e e maleba e motho yo o dirang boikuelo a nang le yona.
Fa motho yo o ikuelang a batla gore mo godimo ga karabo e e kwadilweng, a ka arabiwa ka mokgwa mongwe gape, o tshwanetse go tlhalosa gore o eletsa go itsesewe jang ka seno gammogo le go tlamela ka dintlha tse di maleba gore a tle a itsesewe ka mokgwa oo.
Fa go ka nna le tuelo ya boikuelo, e tshwanetse go tla le boikuelo jo bo kwadilweng fa bo ya go Motlhankedi wa Tshedimosetso. Tuelo e e rebotsweng ya boikuelo, fa e le gona, e tshwanetse go duelwa. Fa go ka seke ga duelwa tuelo ya boikuelo, tshwetso ya boikuelo joo e ka emisiwa go fitlhelela ka nako e go tla bong go duetswe.
Boikuelo jo bo kwadilweng bo tshwanetse go tlhalosa aterese ya poso gongwe nomoro ya fekese.
Fa boikuelo bo tsenngwa morago ga paka e e beilweng, e leng ya malatsi a le 60/ 30, Bothati jo bo Maleba bo tshwanetse gore morago ga go amogela mabaka a a utlwalang, bo letle gore go tsenngwe boikuelo jo bo thari jwa ka fa gare. Fa bothati jo bo maleba bo sa letle gore go tsenngwe boikuelo jo bo thari jwa ka fa gare, bo tshwanetse go itsese motho yo o tsentseng boikuelo jwa ka fa gare ka tshwetso eo.
Dintlha tsa kgokagano tsa motho mongwe le mongwe wa boraro yo o tshwanetseng go itsesewe.
Fa Bothati jo bo Maleba bo sa ntse bo lebeletse boikuelo jwa ka fa gare kgatlhanong le kganelo ya kopo ya phitlhelo ya rekoto e e amang motho wa boraro, Bothati jo bo Maleba bo tshwanetse go itsese motho yoo wa boraro ka ga boikuelo jwa ka fa gare, ntle le fa dikgato tsa go batla motho wa boraro di iteile se folletse. Mo mabakeng a mo go ona motho wa boraro a itsisetsweng, motho wa boraro o tshwanetse go letlelelwa go dira tlhagiso e e kwadilweng gongwe ya molomo.
Fa motho wa boraro a sa bonagala, ntlha ya gore motho wa boraro ga a nna le tshono ya go dira tlhagiso le gore goreng boikuelo jwa ka fa gare bo tshwanetse go tshololwa.
Bothati jo bo Maleba bo ka tlhomamisa tshwetso ya ntlha gongwe a ka ntsha tshwetso e ntshwa. Tshwetso ya boikuelo jwa ka fa gare e tshwanetse go dirwa mo sebakeng sa malatsi a le 30 morago ga go amogela boikuelo jwa ka fa gare. Morago fela ga gore go tsewe tshwetso, Bothati jo bo Maleba bo tshwanetse go itsese motho yo o dirileng boikuelo ka tshwetso, motho mongwe le mongwe wa boraro gammogo le mokopi, mme bo leke ka moo go ka kgonegang ka gona gore go itsesewe motho yo o dirileng boikuelo ka sebopego se a se kopileng.
Tlhagisa gore maphata a a amegang, e leng, motho yo o dirang boikuelo, motho wa boraro jalo le jalo, ba ka tsenya kopo ya kgotlatshekelo kgatlhanong le tshwetso ya boikuelo jwa ka fa gare mo sebakeng sa malatsi a le 60 kgotsa 30 (motho wa boraro).
Fa go setse go diragaditswe dithulaganyo tsotlhe tsa boikuelo jwa ka fa gare, mokopi o na le tshwanelo ya go fitlhelela kgotlatshekelo go ikuela go ya pele.
Nomoro ya tshupetso:...
Kopo e amogetswe ke...
Tlhalosa maemo, leina le sefane motlhankedi wa tshedimosetso/ mothusamotlhankedi wa tshedimosetso ka letlha kwa ...lefelo.
Tuelo ya kopo (fa ele gona): R...
Depositi (fa e le gona): R...
Tuelo ya phitlhelelo: R...
B. Dintlha tsa motho yo o dirang kopo ya go fitlhelela direkoto a Dintlha tsa motho yo o dirang kopo ya phitlhelelo ya rekoto dit shwanetse go kwalwa fa tlase..
b Tlhagisa aterese le/kgotsa nomoro ya fekese mo Repaboliking koo tshedimosetso e tshwanetseng go romelwa gona.
c Go tsenngwe bopaki jwa seemo se kopo e dirwang ka sona, fa go le maleba.
Maina ka botlalo le sefane:...
Aterese ya Poso:...
Nomoro ya Fekese:...
Nomoro ya mogala: Aterese ya Poso ya E:...
Karolo eno e tshwanetse go tladiwa fa FELA kopo ya tshedimosetso e dirwa mo boemong jwa motho yo mongwe.
Maina ka botlalo le sefane:...
D. Dintlha ka ga rekoto a Tlamela dintlha ka botlalo tebang le rekoto e go kopiwang phitlhelelo ya yona, go akarediwa le nomoro ya tshupetso fa o e itse, go kgontsha gore rekoto e kgone go bonwa.
b Fa sebaka se se tlametsweng se sa lekana o kopiwa tsweetswee go tswelela mo tsebeng e nngwe mme o e kopanye le foromo eno. Mokopi o tshwanetse go saena ditsebe tsotlhe tsa tlaleletso.
Nomoro ya tshupetso, fa e le gona:...
Dintlha dingwe tsa tlaleletso ka ga rekoto:...
E. Dituelo a Kopo ya phitlhelelo ya rekoto, ntle le ya rekoto e e nang le tshedimosetso ya sebele ka ga gago, e tla tswelediwa fela morago ga gore tuelo ya kopo e duelwe.
b O tla itsesewe ka tlhotlhwa e e tshwanetseng go duelwa jaaka tuelo ya kopo.
c Tuelo e e duelelwang phitlhelelo ya rekoto e laolwa ke sebopego se phitlhelelo e batliwang ka sona gammogo le nako e e utlwalang e e tlhokegang go batla le go siamisa rekoto.
d Fa o na le tetlo ya go gololwa mo tuelong ya tuelo nngwe fela, tsweetswee tlhalosa mabaka a seo.
Mabaka a go gololwa mo go dueleng dituelo:...
Fa o thibelwa ke go sa itekanelang sentle mo mmeleng go buisa, go bogela gongwe go reetsa rekoto ka sebopego sa phitlhelelo se go tlametsweng ka sona mo 1 le 4 fa tlase fano, tlhalosa bogole jo bo mo mmeleng ga gago mme o tlhalose gore o kopa rekoto ka sebopego sefe.
Tshwaya bokoso e e maleba ka "X".
a Tlhagiso ya gago tebang le sebopego se se kopiwang sa phitlhelelo e laolwa ke sebopego se rekoto e leng mo go sona.
b Phitlhelelo mo sebopegong se e kopilweng ka sona e ka ilediwa mo mabakeng mangwe. Mo mabakeng ao, o tla itsesewe fa e le gore phitlhelelo e ka rebolwa ka sebopego se sengwe.
Fa rekoto e na le ditshwantsho tse di bogelwang - tsona di akaretsa ditshwantsho, diselaete, ditshwantsho tsa video, ditshwantsho tse di dirilweng ka khomphiutara, dithadiso, jalo le jalo.
Fa o kopile khopi kgotsa kgatiso ya rekoto (fa godimo), a o eletsa gore khopi gongwe kgatiso e romelwe ka poso kwa go wena?
Go na le tuelo ya go posa.
Ela tlhoko gore fa rekoto e seo ka puo e o e tlhopileng, o ka newa phitlhelelo ka puo e rekoto e leng mo go yona.
O ka eletsa gore rekoto e nne mo puong efe..?
O tla itsesewe ka lekwalo gore a kopo ya gago e rebotswe/ ganetswe. Fa o eletsa gore o itsesewe ka mokgwa mongwe fela, tsweetswee tlhalosa mokgwa oo mme o tlamele ka dintlha tse di botlhokwa go kgontsha gore go ikobelwe kopo ya gago.
O ka eletsa go itsesewe jang ka ga tshwetso tebang le kopo ya gago ya go fitlheloela rekoto..?
E saenilwe kwa ka letsatsi la...la ...20...
<fn>tsn_Article_National Language Services_Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo kwa Tshedimosetsong.txt</fn>
Boineelo jwa Aforika Borwa mo tshwanelong ya phitlhelelo go tshedimosetso e tlotla pateletsego ya molaotheo go neela tiragatso kwa tshwanelong ya motheo ya phitlhelelo ya tshedimosetso e e tshwerweng ke Naga kana tshedimosetso e e tshwerweng ke lephata la poraefete.
Molao o, ke tsweletso ya tiragalo ya botlhokwa fa go lebelelwa setlwaedi sa maloba sa bophiri se se bonweng go tswa dingwageng tse dintsi tsa puso ya bonnye e e seng ka fa tshwanelong. Ka Molao o, re tshuba lebone go tlisa kwa bokhutlong bophiri le tidimalo tse di bontshang dingwaga tse dintsi tsa puso ya kgethololo le tsamaiso.
Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo kwa Tshedimosetsong, Nomoro 2 wa 2000, o tlamelela tshwanelo ya molaotheo ya phitlhelelo kwa tshedimosetsong e e tshwerweng ke naga le mekgatlho ya poraefete jaaka nngwe ya maikemisetso magolo a yona.
Tshwanelo e, e tla thusa go tsweletsa bosengbofitlha, maikarabelo le taolo e e nonofileng ya setšhaba le mekgatlho ya poraefete.
Go ya ka tshwanelo e, e tla kgontsha gape batho ba rona go tsaya karolo ka botlalo le go dira ditshwetso tse di utlwalang mo go ageng gape setšhaba sa rona ka tshedimosetso.
E ntse e le tsweletso go ya pele mo motheong wa rona go godisa ka mafolofolo setšhaba se mo go sona batho ba Aforika Borwa ba nang le phitlhelelo kwa tshedimosetsong go ba kgontsha go dira ka botlalo go feta le go sireletsa gotlhe ga ditshwanelo tsa bona.
Taolelo e e neilweng mmuso wa rona ke batho ba naga e, e ne e le go tlisa diphetogo, tse di tla tokafatsang boleng ba botshelo ba MaAforika Borwa otlhe. Molao sa botlhokwa, o tla oketsa kwa motheong o o tiileng o re agelang mo go ona, mo patlong ya rona ya taolo e e siameng le maikarabelo.
Tirokgolo ya Molao wa 2000 wa Phitlhelelo go Tshedimosetso, o o neng wa itsisiwe ka Mopitlwe 2001 ka go dira setšhaba se mo go sona batho ba Aforika Borwa ba nang le gona go fitlhelela tshwanelo kwa tshedimosetsong. Karolwana e ntšhwa e ya peomolao e kgontsha MaAforika Borwa otlhe e seng fela go diragatsa ditshwanelo tsa bona ka botlalo, mme sa botlhokwa segolo go sireletsa gotlhe ga ditshwanelo tsa bona jaaka di beilwe mo Molaotheong. Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo kwa Tshedimosetsong ke sedirisiwa sa botlhokwa mo go maatlafatseng ditlamelo ka fa gare ga Molaotlhomo wa Ditshwanelo jaaka o tlhagisitswe mo Molaotheong.
Temokerasi ya rona ya Aforika Borwa e ikaegile mo dipilareng tsa tokologo, tekano le tlotlo ya seriti sa motho. Molao o mošwa ke karolo ya botlhokwa mo teng ga tirego ya phetogo, ka o ritela metheo e e beilweng ka fa teng ga Molaotlhomo wa Ditshwanelo.
Tlwaelo ka fa tlase ga puso ya kgethololo e ne e le gore ditiro tsa mmuso le tsamaiso ya yona di ne di apesitswe ke bophiri le tidimalo, go khupediwa bobodu le ditiro tse di sa tshwanelang. Ka ditlhopho tsa temokerasi tsa 1994, re tsene mo tseleng e ntšhwa e e godisang mokgwa wa bosengbofitlha le maikarabelo.
Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo kwa Tshedimosetsong o tlhagisetsa setšhaba sa Aforika Borwa tsela go nna le motswedi wa thuso kwa phitlhelelong ya tshedimosetso go tswa nageng le ditheong tsa poraefete.
Molao o, o mošwa o oketsa tlhokego ya ditheo tsotlhe go dira ka gale ka tshwanelo le go nna maikarabelo mo ditirong tsotlhe tsa tsona.
Diphetogo tsa botlhokwa di diragetse mo lefapheng mo nakong ya 2000/2001 mmogo le ditlhopha tse dingwe.
Magareng ga ditlhomo tsa botsamaisi tse di dirilweng e ne e le gore Tlhogo ya lefapha Ngaka Michael Hendricks, Mokhuduthamaga mogolo wa Tikatikwe ya Bookelo jwa Kimberley Rre Deon Madyo, mokaedi wa Kgaolo, Mananeo le ditirelo tsa Tshegetso Mme Lindi Nyati-Mokotso le mokaedi wa ditirelo tsa Forensiki le phatholoji Ngaka Mafungo.
Lefapha ga jaana le dira mo kagegong ya setheo e e tla tsharamololang kagego ya tsamaiso go ya maemong a bofelo. Okanokeramo e tla tsenya gape Maokelo, Lebelela tsebe ya bofelo go bona sampole ya okanokeramo ya lefapha mmogo le e le nngwe ya Maokelo.
Dikgaolo tsotlhe tsa Boitekanelo di lekalekantshitswe le Bommasepala ba Dikgaolo. Tshwetso e tserwe go sitlhololela Ditirelo tsa Boitekanelo jwa Kgaolo kwa Bothating ba Selegae. Setlhopha sa tiro se bopilwe ke Ditona tsa Boitekanelo le Mmuso wa Selegae le wa Matlo go tsenya tirisong tshwetso e.
Lefapha la Porofense la Boitekanelo.
Lefapha la Porofense la Mmuso wa Selegae le Matlo.
Mekgatlho ya Badiri.
Dikemedi tsa Bothati ba Selegae.
Setlhopha sa tiro se dira ka tirisanommogo e e atamelaneng le Komiti ya Bosetšhaba ya Boitekanelo ba Kgaolo. Go akanngwa gore tholelo ya ditirelo ga e ne e nna teng pele ga Phukwi 2002.
Ditirelo di tokafadiwa ka tlhagiso ya Pakete ya Motswedi wa Ditirelo tsa Tlhokomelo ya Tshimologo.
Patelelo e kgolo ke dikgala tse di kgolo mmogo le teteano ya batho mo porofenseng. Seno se lekanyetsa bokgoni ba rona go netefatsa phitlhelelo e e lekaneng ya ditirelo dingwe. Le fa go le jalo, dikgato tse dikgolo di a dirwa mo go tokafatseng phitlhelelo.
Bomaitseanape ba Cuba kwa bookelong jwa Gordonia (Upington) ba okeditse phitlhelelo mo go utlwalang kwa ditirelong tsa halofo ya bophirima ba porofense. Dingaka tsa lelapa tsa MaCuba le tsona di rometswe kwa mafelong a a kgakala. Borakhemisi ba baagi ba le batlhano ba romelwa fa e sale Ferikgong mme seno se tokafaditse tsamaiso ya melemo ka phitlhelelo e e botoka kwa melemong.
Ka Phukwi 2000 dingaka tsa meno di le robedi di ne tsa thapiwa. Palo e ne ya okediwa go fitlha go lesomenngwe ka Ferikgong wa 2001. Phitlhelelo kwa ditirelong tsa boitekanelo ba legano ka lebaka leo di oketsegile mo go utlwalang. Bokana ka dimilione tsa diranta di le 2 bo dirisitswe mo didirisiweng tsa bongaka ba meno go netefatsa tiriso e e lekaneng ya dingaka tse tsa meno.
Ditliliniki tsa rona mo ditoropong tse dinnye di neelana ka ditirelo tsa diura tse 24 tse di kgweediwang ke mooki. Sekgoreletsi ke thapo ya mooki wa porofešenale a le mongwe kwa dingweng tsa ditliliniki tse. Re tla bo re netefatsa gore mafelo otlhe a tlhokomelo ya tshimologo a tla nna bogolo le badiri ba baoki ba le babedi ba tliliniki.
Tliliniki e ntšhwa kwa Green Point e konoseditswe mme e dira ka botlalo. Ditliliniki tse di šwa di tlile go agiwa kwa Sanddrift, Strydenburg le Kuyasa. Ditirelo tsa go aga di kwa Sanddrift le Matjieskloof mme di tla simolola mo isagong e e fa gaufi. Go tlamela ditshiamelo tsa tlhokomelo ya tshimologo kwa Schmidtsdrift le Platfontein go tla amogela tlhokomelo.
Dikomiti tsa tse di ka fodisang tse di dirang mo maemong a kgakololo, di tlhomilwe kwa Kimberley le kwa makaleng a maokelo. Dikomiti tse di nnile le seabe mo tokafatsong ya phitlhelelo ya EDL.
Polokelo lefelo le phatlhalatso ya tsa khemisi di ntsheditswe ntle kwa Setlamong sa tsa Dithulaganyetso tsa Kalafi tsa Sekunjalo. Lebaka la gore tshenkelo ga e kgone go ntshediwa kwa ntle gonne thennere ya Mmuso e tlhagisa dikgwetlho tse di itlhopholotseng kwa tiregong e ya go ntshetsa ntle. Setlamo se tlhokometswe malebana le tsamaelano ya yona le ditlhokego tsa thennere le tumalano ya maemo a tirelo.
Lefapha le netefatsa go nna teng ga Lenane la Diritibatsi tsa Botlhokwa (EDL) la melemo kwa maemong a 80%. Peresente e, e tshwanetse go oketsega go fitlha go 90.
Pholisi ya dilo tse pedi go ya ka tlhaloso e a dirisiwa mme kerafo e e tsamaelanang e bontsha poelo.
Borakhemisi ba le batlhano ba tirelo ya baagi ba ne ba thapiwa ka Ferikgong.
Tsamaiso ya rona ya seritibatsi e kgorelediwa ke tlhokego ya badiri ba dikhemisi ba ba ineetseng mo tirong ba ditheo tse dintsi. Baoki ba solofelwa go amogela le go laola setoko. Re batlisisa go thapiwa ga batlatsa borakhemisi mo ditshiamelong tse.
Tekanyetso kabo yotlhe ya tsa khemisi ya 2000/2001 e nnile fela ka fa tlase ga milione tse 36 tsa diranta.
Diambulanse tsa batho ba le babedi e di dira mo lefelong la Kimberley. Seno se tla atolosediwa kwa porofenseng yotlhe ka Nako ya MTEF. Seno se botlhokwa gore go netefadiwe gore balwetse ba amogela tlhokomelo ya boitekanelo mo kgabaganyong. Sekgala se se leele se se tsamaiwang mo porofenseng se dira seno segolo botlhokwa.
Mokgwa wa go latela koloi le lefelo la boleletso la porofense di sa batlisisiwa.
Dikoloi tsa Tshoganyetso tse somaamarataro tharo di tla rekiwa ka Seetebosigo 2001. Somaamane ya makoloi a a leng teng a lekgolo le lesome e tla ntshiwa mo tirisong. Seno se tla oketsa makoloi go ya go lekgolo le le lengwe le somaamararo tharo..
Re tla re mo nakong ya dingwaga tse tharo go ya go tse nne re simolole pholisi ya go emisetsa ya dingwaga tse tharo ya dikoloi tsa tshoganyetso. Seno se tla netefatsa gore ga go koloi ya kgale ya go feta dingwaga tse tharo.
Ditirelo tsa Tshoganyetso tsa Boitekanelo di konoseditse ka katlego tshenkelo ya diaparo tsa tshireletso tsa Badiri ba Tlhokomelo ya Tshoganyetso(ECP) tse di atlanegisitsweng ke SABS.
Phetiso ya ditirelo tsa laboratori go tswa Setheong sa Patlisiso ya Boitekanelo sa Aforika Borwa (SAIMR) go ya Tirelong ya Bosetšhaba ya Laboratori ya Boitekanelo (NHLS) e mo tseleng. Tirego e ga e ame badiri ba porofense.
Re lemogile bookelo jwa Springbok jaaka lefelo le le kgonegang la laboratori ya tlaleletso mo porofenseng. Ditherisano di tsweletse pele gore go fitlhelelwe kwa tshwetsong.
Go latela kamogelo ya Kabinete ya Bosetšhaba ya dikatlanegiso tsa komiti ya Bosetšhaba e e dirang mo ditirelong tsa go Ithuta ka malwetse mo nageng e, lefapha le, le tlhomile go tloga ka Ngwanatsele 2000, bokaedi ba ditirelo tsa forensiki go kgweetsa tirego ya go sutisetsa dimotšhwari tsa boitekanelo - semolao go tswa go SAPS go ya lefapheng la boitekanelo la porofense.
Ditirelo tsa forensiki tse di fitlhelegang ka theo ya mafelo a magolo ka ditshiamelo tsa satelaete.
Bokaedi ba Ditirelo tsa forensiki ba porofense go kgweetsa tirego ya go fetisetsa dimotšhwari go tswa go SAPS go ya go DOH.
Go tswelela ka go katisa baoki ba le bantsi ba forensiki.
Thomelo ya baoki ba forensiki ba ba setseng ba katisitswe.
Go katisiwa ga babatlisisi ba mafelo a dintsho.
Go tswelela ka go katisa dingaka mo kalafing ya forensiki ya tliliniki mo dikgaolong tse dingwe tsa porofense.
Go nna teng ga dibene tsa khorona (dibene tsa motšhwari).
Kagolešwa ya ditirelo tsa forensiki ya dintsho.
Tirelo e e tlhotlhwa tlase go banni botlhe ba porofense.
Diketelo le tlhatlhobo ya dimotšhwari tse di baakanyeditsweng go simolola go tloga Mopitlwe 2001 go fitlha Motsheganong 2001.
Kopano ya ntlha go buisana ka tirego ya phetiso ya dimotšhwari go tloga go SAPS go ya go DOH e ne ya tshwarwa ka di 8 Tlhakole 2001 le Ditlhogo tsa Mafapha go tswa go SAPS le Ditirelo tsa Setšhaba.
Le fa go ne go na le diphitlhelelo tse dintsi jaaka go bontshitswe, dikgoreletsi tse di rileng di tsona di ne tsa itemogelwa. Mo baoking ba le somaamabedi nne ba ba katiseditsweng forensiki ke a le mongwe fela wa sealogane sa forensiki yo o dirisiwang mo go lekaneng.
Porofense e gape e ipela ka lebaka la gore re tlhagisitse baoki ba forensiki ba ntlha mo nageng. Bosetšhaba mo lebakeng le ga jaana bo dirisa boitseanape go tswa porofenseng e ka tebo ya go tlhoma lenaneo la go katisa Baoki ba Forensiki la Bosetšhaba. Lefapha la Boitekanelo la Kapa Bokone le lebeletse pele go tsweletsa katiso ya baoki ba forensiki mo porofenseng gore go okediwe ditirelo tse di newang ke badiri ba thutelatirong mo dikhutlhwaneng tse di kgakala thata mo Kapa Bokone. Go akanngwa gape gore baoki ba ba forensiki ba tla nna ba le teng go bona mafelo a mathata a Kimberley le Upington.
Porofense gape ke moabi wa botlhokwa kwa go katiseng basekisi mo lenaneong le le tsamaisiwang ke Bokaedi ba Ntwa Kgatlhanong le Basadi le Bana, le le golaganeng le Melato ya Thobalano le Yuniti ya Merero ya Baagi mo ofising ya Mokaedi wa Bosetšhaba wa Ditshekiso tsa Setšhaba. Batsayakarolo mo lenaneong le ba tsenyeletsa - kwa ntle ga basekisi ba sepodisi, dingaka, bomagiseterata, badiredi loago le mekgatlho ya baagi. Katiso e, e lebisitswe go ya kgodisong ya tiro ya dikgotlatshekelo tsa melato ya thobalano go ralala naga.
Ditshenyegelo tsa porofense tsa ga jaana tsa tirelo e (SAPS le Boitekanelo) di bokana ka dimilione tsa Diranta di le 1,3 . Matlotlo a tlaleletso go tshegetsa le go atolosa go neelanwa ga tirelo ka fa teng ga lefapha la boitekanelo a lekana le dimilione tsa Diranta di le bokana ka7,4, bokana ka 2,97 ba dimilione tsa Diranta ba teng e le matlotlo a khepetlele.
Diteng fa tlase di bontsha lefelo le le dirang la Bokaedi Tlaleletso jwa Tsamaiso ya Tshedimosetso jwa Lefapha la Boitekanelo la nako e e ka fa tlase ga thadiso.
Go tsamaisa tirego ya go tlhoma togamaano ya theo ya kitso.
Go tlhabolola kabo ya motswedi wa mmotlolo.
Go thusa yuniti ya Tsamaiso ya Motswedi wa Setho mo go boneng mananeo a khomputara a a maleba le go tokafatsa tiriso ya Peresale go laola thalotlhakore ya dikgono, direkoto tsa go kgalema, go lekanya tiro, tshekatsheko ya tiro.
Go netefatsa go dira go go lekaneng ga tshegetso ya ditsela tse di tshekaganyang le go tshegetsa LOGIS, TRANSAID, SAPS, OASIS, Mametlelelo ya Madi a Molwetse a a Tshwanang.
Go dira Patlisiso ya Pele ga pelegi ya ngwaga ya HIV.
Go thadisa tirego ya tshedimosetso ya HIV.
Go tokafatsa go felela ga tshedimosetso ya baagi ka tshegetso ya dipolokelo tshedimosetso (TOP, Dintsho tsa Pelego, Dintsho, NMC).
Go tshegetsa webesaete ya lefapha.
Go netefatsa go dira go go tswelelang ga setlhopha sa Tshedimosetso ya Porofense ka kago ya maatlafatso.
Go bona setshwantsho se se kopantsweng sa kgaolo go ya ka Tlhokomelo ya Tshimologo le ya Bookelo jwa kabelo le tshegetso ya mananeo a khomputara a Tshedimosetso ya Kgaolo ya Boitekanelo.
Go tokafatsa Polokelo tshedimosetso ya Lehuba ka fa gare ga Mananeo a Khomputara ya Tshedimosetso ya Kgaolo ya Boitekanelo.
Go thadisa tirego ya Maemo a Boitekanelo a a Itsegeng ka fa gare ga Porofense ya Kapa Bokone.
Go tiisa le go tokafatsa metswedi e e leng teng ya dipalo tsa pelego.
Go dira patlisiso e khutshwane go fitlhelela ditlhokego tsa tshedimosetso tsa pegelo ya ngwaga ya HRC.
Go tlamela dithulaganyetso tsa eleketeroneki tse di tlhokegang kwa batsamaising ba porofense le kgaolo.
Di neela tshedimosetso le dipegelo ka tlhokomelo ya boitekanelo ya Tshimologo le tshedimosetso ya boitekanelo ya bookelo. Mojulo wa Ditirelo tsa Boitekanelo tsa Tshoganyetso (EMS) o tsentswe fa gautshwane mo mokgweng o. Mojulo o, o a lekiwa mo Kgaolong ya Lower Orange.
Mokgwa o o tsenngwa mo dikhomputareng mo diofising tse 5 tsa kgaolo mme o dira fela ka botlalo mo diofising tse pedi tsa kgaolo (Kalahari, Lower Orange) go fitlha fa. Mathata a a itemogelwang mo dikgaolong tse dingwe (kgolaganyo ya emeile, metswedi le go katisa) a a lebelelwa. Dikgaolo tse di santse di romela tshedimosetso ya tsona mo direkotong tsa pampiri mme seno se kwalwa kwa ofising ya porofense. Tshedimosetso ya bookelo e nnye e e beilweng mo mokgweng o e ne ya dirisiwa go tloga Ferikgong 2001. Go dirisiwa ga mojulo wa EMS le gona go rulaganyeditswe ka 2001. Tsepamo jaanong e mo go fetseng le go netefatseng tshedimosetso. Tshedimosetso e tla ntshiwa le go dirisediwa mabaka a tsamaiso ka bonako fela fa tirego e e felelediwa. Pegelo ya ntlha ya bookelo e ne ya kwalwa ka Mopitlwe 2001.
Ka 1998, gore go tsewe karolo mo porojekeng ya diteko ya Lefapheng la Bosetšhaba la Boitekanelo, NCDH e ne ya tsaya tshwetso go dumela gore go dirwe kgolagano ya sekgala sa modumo wa makhubu magareng ga Maokelo sa Kimberley (Kgaolo ya Diamonds Fields) le Kuruman (Kgaolo ya Kalahari). Kgolagano e ne e tshwanetse go newa dipuisano tsa pele ga pelegi, pelego le tsa malwetse a dithwe tsa pelego. Bookelo jwa Kuruman ke lefelo la thomelo fa Bookelo jwa Kimberley bo tla dira jaaka lefelo la kamogelo.
Mo kgatong ya ntlha ya teko tsepamiso e ne e le mo tekong ya thekenoloji le go bontsha dikgonego tsa thekenoloji. Go tswa mo pegelong e e fa godimo go mo pontsheng thekenoloji e a dira. Tshedimosetso ya tlwaelo (pele le ka nako ya tiragatso) e ne e sa kwalwa ka tsela e e ka thusang tirego ya go bala ditshenyegelo tsa nnete tse di dirang mme thuto ya direjisetara tsa bookelo tse di tsamaelanang le dithomelo di ka thusa mo tiregong e e jalo. Ditshupetso tse dingwe tsa ditshenyegelo di tshwanetse gape go sekasekiwa mo ntlheng ya pele le ka nako ya tiragatso.
Tšhono ya dingaka tsa setšhaba go ithuta dielemente tsa motheo tsa pono ya ngwana a sa le mo popelong.
Tshegetso ya dingaka tsa baagi go tswa baitseanapeng.
Netefaletsong kwa molwetseng e e isang kwa botshepeging bo bo oketsegileng mo mokgweng wa tlhokomelo ya boitekanelo.
Lefapha le lemoga botlhokwa jwa go lekanya maikemisetso a togamaano le letlhomeso la togamaano la (bosetšhaba) la naga mme ka jalo le tsentse dithulaganyo tsa lona tsa Galeshewe le Kgalagadi go tsamaelana le Lenaneo la Moporesidente wa Naga la Ntšhafatso ya Toropo.
Tsamaiso ya tirelo ya boitekanelo mo dintlheng tse pedi tse tsa mafelobogareng e ikaelela go fitlhelela ditlhokego tsa banni fa e setse go tsepama mo letlhomesong la bosetšhaba.
HIV/AIDS le Ditshwaetso tsa Thobalano tse di Fetelelang.
Bokana ka 11.2% (Patlisiso ya Pele ga pelegi ya 2000) ya bagolo mo porofenseng ya Kapa Bokone ga jaana ba tshwaeditswe mme maemo a a ka ya godimo. HIV ke bolwetse bo segolo bo tshwaetsang bašwa ba ba magareng ga bogolo ba dingwaga tse 19 - 29. Bašwa ba, ba swa ka AIDS pele ga letsatsi la matsalo a bona a bo35.
Kerafo fa tlase e bontsha tlhagelelo ya HIV go tswa 1997 go ya 2000 ya Porofense ya Kapa Bokone (Motswedi: Patlisiso ya Ngwaga ka HIV).
Khansele ya AIDS ya Porofense e ne ya kgakolwa ka di 19 Lwetse 2000 ka botsayakarolo bo bo tletseng go tswa kgwebong, basading, dingaka tsa setso le batsayakarolo ba bangwe botlhe jaaka go tlhalositswe, go ya ka dintlha tsa tshupelo tsa SANAC.
Re lebeletse pele go kgakola Dikhansele tsa AIDS ya Kgaolo mo bogareng ba 2001. Bontsi ba boratoropo ba jaanong ba tsere karolo ka botlalo mo maitekong a dikgaolo mo tshiamisong ya go kgakolwa ga Dikhansele tsa AIDS tsa Kgaolo.
Komiti e e bontsha tlholego e e tshekaganyang ya leroborobo la go netefatsa botsayakarolo ba mafapha otlhe mo letsholong le le kgatlhanong le HIV/AIDS Mafapha ka kologano a diragatsa ka iketlo mananeo a HIV/AIDS a a amanang le ditiro tse dikgolo tsa bona. Yuniti ya AIDS ya lefapha la boitekanelo e kokoanya komiti go kgabaganya lefapha. Maiteko a atoloseditswe kwa dikgaolong dingwe tsa rona, tse di atolositseng dikomiti tsa tsona go tsenyeletsa maphata a kwa ntle. Dikomiti tse, di tshameka karolo e e fa gare mo thulaganyong ya ditiro, matsholo, go tsenyelediwa Letsatsi la Lefatshe la AIDS (Banna ba ka dira pharologano) le le nnileng teng mo dikgaolong tsotlhe ka di 01 Sedimonthole.
Mafapha a Boitekanelo, Katlaatleloloago le Thuto a simolotse maiteko go diragatsa togamaano e e kopanetsweng kgatlhanong le HIV/AIDS. Komiti ya porofense e tlhomilwe go rulaganya le go tlhokomela lenaneo. Kgato ya ntlha ya lenaneo e simolola kwa De Aar mme e tla tsenngwa ka iketlo kwa dikgatong tse dingwe.
Lenaneo le la motheo mo sekolong le lebile dikelo tse dinnye le tse dikgolwane. Go katisiwa ga barutabana go setse go simolotse. Lenaneo ke maikarabelo a Lefapha la Thuto.
Khomišene ya Bašwa mmogo le Morulaganyi wa Bašwa wa yuniti ya AIDS ba simolotse maiteko a go bopa ditlhopha tsa setso, tse di diragaditseng thuto le tlhokomediso ya HIV/AIDS.
Batlhokomedi ba le 116 gotlhelele le bakatisi ba le 10 ba amogetse katiso. Bookelo ba Kimberley ka tshwaragano le Mekgatlho e e seng ya mmuso e tlamela tlhokomelo e e tlosang setlhabi. Tirego e mo mannong go tlhabolola mokgwa wa thomelo le sepalangwa kwa batho ba ba lwalelang loso ba ba tlhokang bolao. Matlotlo a bosetšhaba a emetswe go dirisa batlhokomedi ba mo mokgweng wa nakwana.
Bakhanselara ba tlaleletso ba le 54 le batho ba le 28 ba ne ba katisiwa mo tsamaisong ya teko ya ka pele.
Mafelo a le mabedi : Le le lengwe mo De A ar le le lengwe mo Kimberley a lemogilwe.
Tlhokomela le go rulaganya lenaneo go ya ka porofense.
Go neela kaedi ya togamaano ya mananeo.
Go tlhabolola kaelo ya tlhopho ya mafelo.
Go tlamela letlhomeso la tlhabololo e e siameng.
Go tlhabolola didirisiwa tsa kgobokanyo ya tshedimosetso, go tlhokomela le tshekatsheko.
Bo begela Tona le Motlatsa Mokaedi Kakaretso ka kgwedi ka tswelelopele.
Lefelo le ne la kgakolwa la Batho ba ba Tshelang (baPWA) ka HIV/AIDS. Lefelo le ikaelela go lebelela tlhokego, ya ba PWA ka bogotlhe. Komiti e e nang le batsayakarolo ba ba farologaneng e teng mme motsamaisi wa leruri o thapilwe ka Ferikgong.
Re tlhomile ditliliniki tsa mafelotiro. Badiri ba moepo ba le 28 ba ne ba katisiwa. Spoornet, De Beer le Telokom ke balekane ba tiro ba ba tsepameng.
Lefapha la Ditsela le Dipalangwa le tlhomile diboto tsa dipapatso go bapa le ditsela tse dikgolo tse di farologaneng. "Lenaneo le go Tshela ka Mogare" le ne la kgakolwa ka Motsheganong 2000 mo Namaqualand le metakopota e e dirilweng ke bagolo ba bašwa e a bonala mo porofenseng. Diphitlho le tsona di dirisitswe jaaka tšhono ya kgoeletso kgatlhanong le leroborobo.
Khonsotiamo ya Bašwa ba Kapa Bokone ya AIDS e e nang le bašwa go tswa dikerekeng, ditlhopha tsa setso le metshameko e ne ya bopiwa ka tirisanommogo le Khomišene ya Bašwa le yuniti ya AIDS.
Go tlhomamisa gore re fetile ka kwa ga tlhokomediso lefapha la boitekanelo le maloko a Khansele ya AIDS a ntse a tlaletswe ke dikopo go tsenela le go go neela puo kwa ditirelong tsa kereke le diphitlho tsa batswasetlhabelo ba AIDS.
Pampiri e le nngwe ya selegae e bontsha ribone e khibidu e e nang le nomoro ya molathuso ya AIDS letsatsi le letsatsi mahala. Diteisene tsa radio ya baagi tse tharo di rulagantse diphatlhana tsa lefapha go lebelela merero e e tshwenyang le go araba dipotso go tswa bareetsing ba ba letsang.
Taekeramo e sedimosa koketsego mo kelong ya tseno gare ya kalafo ka gotlhe ka 1% mo ngwageng wa 2000, mme ka jalo kgatelelo e bewa mo diDOT tse di Ikaegileng ka Baagi le lenaneo le le emelelanang le Diritibatsi dintsi . Ka 1997 dikelo tsa phodiso ya Mafatlha tsa porofense e ne e le 56.5% mme seno se oketsegile go ya go 62% ka nako ya ngwaga o o mo thadisong.
Kelo ya Phodiso ya TB ya Makgwafo ya Kgaolo: Go tshasa go go ntšhwa go go leng teng.
Dikgaolo tsotlhe tse tlhano di diragatsa ditshupelo tsa bosetšhaba tsa go tsamaisa TB mo maemong a kgaolo. Dikgaoto tse dikgolo mo tsamaisong ya TB di dirilwe sk. kelo ya phodiso e ntšhwa ya go tshasa e e leng teng ya kgaolo ya Kgalagadi e tokafetse ka 12%.
Kemelelano le Seritibatsi Sentsi (MDR) ke ditlamorago tsa go se tsamaisane ga batshwarwa ke TB le mekgwa ya kalafo ya tshimologo.
Lenaneo le le tsamaelana le dikaelo tsa bosetšhaba mme le na le morwalo wa kgetse wa balwetse ba le 129 ba ba kwadisitsweng ba MDR.
Mafelo a le mabedi a HIV/TB a a dirisanang a supilwe. Boto ya boemo ba TB/HIV e tlhomilwe mo Kgaolong ya Lower Orange. Batho ba le somaamabedi nne ba katisitswe mo dikarolong magareng ga HIV/AIDS le TB.
Kamano ya kagego le mekgatlho jaaka SANTA le TAOSA e tlhomilwe. Bogotlhe ba batshegetsi ba le 702 ba DOT ba katisitswe. Mo Kgaolong ya Lower Orange re na le batshegetsi ba le 425 ba DOT. Bokana ka R700 000 mo nakong ya dingwaga tse tharo bo ne jwa abelwa SANTA go tsamaisa ditirego tsa baagi mo go lebaganeng le TB.
Porofense e na le ditlamelo di le tharo tse di tlhomilweng; tse pedi tsa mmuso le e le nngwe ya poraefete. Babelegisi ba le 85 ba ne ba katisiwa mo go khanseleng pele le morago ga go ntsha mpa. Babelegisi ba ba tswetseng pele ba le 4 le batsamaisi ba le babedi ba ne ba katisiwa mo lenaneong la thuto le le phatlhaladitsweng la babelegisi ba ba tswetseng pele le saense ya loago kwa Bookelong jwa Mc Cord.
Mo maitekong a go fokotsa kelo ya dintsho tsa bomme mo porofenseng, ditlamelo le didirisiwa di a tlhabololwa. Go tlhomamisa go nna teng ga babelegisi ba ba rupileng mo karolong, tlaleletso ya babelegisi ba le 18 e a katisiwa mo bobelegising bo bo tsweletseng mo maitekong a a kopanetsweng magareng ga lefapha le Yunibesethi ya Foreisetata.
Dibakwa tse dikgolo tsa dintsho tsa bomme ka jalo ke go palelwa ga pelo/ khemo le letshogo.
Batho botlhe ba ba belegweng mo gare ga Motsheganong 1999 ba amogetse HIB, e e tsenyeleditsweng mo tlhabololong ya tlwaelo mo tshoutisong. BCG ya mo gare ga letlalo e diragadiwa mo dikgaolong tsotlhe. Porofense e na le kageletso ya tshoutiso ya 80%, nngwe e e kwa godimo mo nageng.
Kageletso ya tshoutiso (tshoutiso yotlhe) mo baneng ba bogolo ba dikgwedi tse 4 go ya go tse 23.
Tsamaiso e e Kopaneng ya malwetse a Bongwana e e diragadiwang kwa ditshiamelong tsotlhe tsa tlhokomelo ya malwetse otlhe tsa boitekanelo. Baoki ba le 30 ba malwetse a bana ba ne ba katisiwa mo lebakeng la tsamaiso.
Bookelo ba Letsatsi ba Galeshewe le Bookelo ba Kimberley di ne tsa tlhomamisiwa go nna tse di siametseng ngwana mme tsa bona maemo a bosetšhaba. Maokelo a tlaleletso a a siametseng ngwana a mabedi a emetse tshekatsheko ya kwa ntle.
Porofense ya Kapa Bokone e na le Bookelo bo le bongwe jwa Bolwetse ba tlhaloganyo; Bookelo ba West End mo Kimberley bo bo bopang karolo ya Mafaratlhatlha a Bookelo ba Kimberley. Bo na le malao a le 107 a 59 a ona a abetsweng balwetse ba ba lwalang tlhaloganyo e e bogale le go balwetse ba ba sa foleng ba le 48 ba ba nnang mo setheong nako e telele. Ka taolelo ya molaopeo wa boitekanelo ba tlhaloganyo malao a tla abelwa tlhokomelo e e bogale kwa maokelong a kgaolo.
Ditumalano di fitlheletswe le Bookelo ba Orania go neela balwetse ba naga manno. Balwetse ba le lesometlhano ba naga le balwetse ba le barataro ba tebelelo ba tla amogelwa ka kgwedi. Dipuisano go oketsa bonno ba malao jwa balwetse ba naga di tsweletse magareng ga Botsamaisi ba Boitekanelo jwa Kapa Bokone le Foreisetata.
Ditirelo tsa boitekanelo jwa tlhaloganyo di phatlaladitswe go ya dikgaolong. Mo nakong e e fetileng ditirelo tsa baagi tsa go fodisa bolwetse ba tlhaloganyo di ne di gorosiwa di tsepame. Mafelo a Boitekanelo a le 58 a mo tiregong ya go gorosa ditirelo tse di kopanetsweng tsa boitekanelo jwa tlhaloganyo mo porofenseng.
Sebakwa segolo sa manokonoko ke go bediwa. Leano la thibelo ya bosenyi le diragadiwa ke tsamaiso ya porofense jaaka leano la go ralala lefapha. Komiti e e thibelang bosenyi, le Pabalesego le Mogokaganyi jaaka lefapha, e amega mo tiregong e.
Tliliniki ya Boitekanelo jwa Tshupetsokgono ya ditiro: PHC ka mokgwa wa go alafa malwetsenyana a mannye ka badiri ba Bookelo jwa Kimberley ka se se tlhagisa motswedi wa tshedimosetso ya dipalopalo le thuta kanamo ya malwetse. Temogo le tsamaiso ya badiri. Go tlholwa pele ga go bewa mo lefelong ga badiri ba bašwa. Ditlhatlhobo tsa boitekanelo tsa dinako le tsa go tswa. Kalafi ya dikgobalo tse di bogale. Komiti ya boitekanelo ya tshupetsokgono ya ditiro/Maphelo. Maphelo a Setlhopha sa Dingaka a Tshupetsokgono: Ditlhatlhobo tsa Mafelotiro. Dithuno, dipatlisiso le tlhokomelo e e siameng.
Phatlalatso ya tshedimosetso: go thusa mo go matlhagolatsela le dikaelo tsa katiso MALEBANA LE boitekanelo le pabalesego. Go tlamela ka laeborari ya kalafo ya boitekanelo le pabalesego, ya melemo ya tshupetsokgono ditiro le ya boitekanelo le pabalesego ya tshupetsokgono ditiro kwa mekgatlhong yotlhe e e nang le kgatlhego.
Yuniti ya Thomelo - Puisano.
Satelaete OHU mo maokelong a dikgaolo.
Go tlhoma mananeo mo dikgaolong tsotlhe.
Go feleletsa go go atlegileng ga lenaneo la tlhokomelo e e feteletseng mo Botlhatswetsong jwa Bookelo jwa Kimberley.
Tshupa tiragatso : phokotsego e e bonalang mo kelong ya go se tle tirong.
Konosetso e e atlegileng ya lenaneo le go tlhokomela le tlhokomelo e e feteletseng mo Boapeelong jwa Bookelo jwa Kimberley.
Tshupa tiragatso : phokotsego mo palong ya dingongorego tsa mokwatla.
Tlhabololo ya Leano la Kgato e e Kotsi ya Dikhemikhale mo Bookelong jwa Marapo jwa Kimberley le Madirelo a Tshegetso.
Tshupo tiragatso : ga go dikotsi kana dikgobalo mo tirong.
Porojeke e, e gaufi le go konoselediwa setefekeiti sa M.B.O.
Baagi ba ba latelang ba ba lebeletsweng ke ba Postmastburg le mafelo a a ageleditsweng. Tirego e tsamaisiwa ke Yuniti jaaka go builwe fa tlase. Porojeke e ne ya simololwa ka thutano e e neng e tshwerwe mo Postmasburg ka Tlhakole 1999 koo bokana ka baemedi ba baagi ba le 30 ba neng ba itsisiwe ka tirego yotlhe ya pusetso le ditsamaiso tse di nepagetseng go latelwa.
Go ya ka Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo go Tshedimosetso, Motlhankedi wa Tshedimosetso o tlhomilwe/emiseditswe go tlhomamisa tsamaiso ya tirego ya phitlhelelo go tshedimosetso/direkoto. Mo tlaleletsong, Motlatsa Batlhankedi ba Tshedimosetso o tlhomilwe/ emiseditswe go thusa Motlhankedi wa Tshedimosetso ka tiro e.
Go ya ka Molao 2000, wa Phitlhelelo go Tshedimosetso, motho ofe o na le tshwanelo ya go kopa phitlhelelo ya tshedimosetso/direkoto tse di mo diatleng tsa Naga kana Mokgatlho wa Setšhaba. Gore o bone phitlhelelo kwa rekotong, motho o tshwanetse go tlatsa kopo ya foromo ya phitlhelelo ya tshedimosetso. Foromo e tshwaragantswe jaaka Tlhabololo B. Foromo e, e tshwanetse go romelwa kwa go MotlatsaMotlhankedi wa Tshedimosetso, kwa dintlheng tsa kgolagano tse di fa godimo.
MotlatsaMotlhankedi wa Tshedimosetso o tla tlhomamisa gore a motho yo o kopang tshedimosetso ke mokopi wa sebele kana nnyaya, k.g.r a tshedimosetso e ama fela motho yo o kopang tshedimosetso kana nnyaya. Fa motho e le mokopi ka sebele, ga go madi a pele a a tla duelwang. Fa tshedimosetso e sa ame fela motho yo o kopang tshedimosetso, madi a pele a R 35,00 a duelwa pele ga tiro e tswelela. Ka jalo, kopo ga e ne e dirwa go fitlha madi a pele a duetswe.
Fale madi a duetswe, MotlatsaMotlhankedi wa Tshedimosetso o tla laela badiri ba ba maleba go ntsha rekoto(di) tse di amegang.
Fa rekoto e ntshitswe, MotlatsaMotlhankedi wa Tshedimosetso o tla thadisa lokwalo le go bapisa diteng tsa rekoto le mabaka a kgano, jaaka go tlhalositswe ke Molao.
Fa phitlhelelo e ka rebolwa, mokopi/mokopi wa sebele o tla itsisiwe ka ditshenyegelo tse di tshwanetseng go duelelwa tlhagiso ya rekoto.
Mo tuelong ya madi a a maleba, rekoto/kana karolo ya seo sa phitlhelelo e e rebotsweng, e tla tlhagisiwa le go romelwa kwa mothong yo o kopileng tshedimosetso.
Mo lebakeng la phitlhelelo go ya rekotong e sa rebolwa, motho yo o kopileng phitlhelelo go ya rekotong, o tla itsisiwe gore phitlhelelo ga e a rebolwa mme ditsamaiso tsa boikuelo tse di maleba tse di tshwanetseng go latelwa di tla tlhalosiwa.
Kwalelano e laolwa le go tsamaisiwa go ya ka ditsela tse tharo tsa go faela tse di atlanegisitsweng go dirisiwa mo kantorong ke Diakhaefe tsa Porofense. Kwalelano yotlhe malebana le merero ya badiri e tsamaisiwa ke Tsela ya Ditiro ya Badiri e e Yunifomo ya go Faela ; ditiro tse dingwe tsotlhe tse di amanang le kwalelano di laolwa ke Tsela ya Ditiro ya Badiri e e Yunifomo ya go Faela. Ditsela tse pedi tsa yunifomo ya go faela di a gapelediwa mo mafapheng otlhe mo Botsamaising ba Porofense ba Kapa Bokone (NCPA). Kwalelano yotlhe malebana le kologano ya ditiro tsa Kantoro ya Tona e laolwa ke Kologano ya Ditiro ya go Faela e e rebotsweng, e e tshwanang e le esi kwa Kantorong ya Tona mme e sa dirisiwe gope mo mafapheng a mangwe mo NCPA. Difaele tsa batho tse di bulwang go ya ka ditsela tse tharo tse di bontshiwa mo Rejisetareng ya Difaele tse di Butsweng.
Direkoto tse dingwe di laolwa le go tsamaisiwa go ya ka Thulaganyo ya Taolo ya Direkoto, e e iseng e dumelelwe ke Diakhaefe tsa Porofense.
Go simolola ka 1994-2001, Lefapha ga le a ka la aroganya le go tsamaisa direkoto tsa lona go ya ka melawana ya diakhaefe mo ntlheng e. Direkoto tse, di tsweletse go faelwa gape go latela dithulaganyo tsa karoganyetso tse di dumeletsweng (dithulaganyo tsa go faela le Thulaganyo ya Taolo ya Direko). Se, ke tirego e e ka se keng ya diriwa ka nako e khutshwane e bile manyuale o, o supa fela direkoto tse di setseng di arogantswe go tloga ka Mopitlwe 1998. Ka direko tse di sa aroganngwang di faelwa gape, manyuale o, o tlile go tlhabololwa e bile dikhophi tsa ditlhabololo di tlile go gorosiwa kwa Khomišeneng ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa gangwe le gape.
Direjisetara tsa butsweng ditšhelete tse di 2. Rejisetara ya dilepi tsa tsiboso Rejisetara ya Bogareng ntshitsweng 3.
Tlhokomelo le le ikaegileng ka Baagi.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso 3.txt</fn>
Maitlamo a Aforika Borwa a gore go nne le phitlhelelo ya tshedimosetso a tlotla boitlamo jwa rona jwa molaotheo jwa go tsenya tirisong tshwanelo ya botlhokwa ya phitlhelelo ya tshedimosetso e e mo ditheong tsa poraefete.
Molao ono ke phitlhelelo e kgolo ya tlhabololo fa go lebelelwa boswa jwa sephiri jo re bo fitlhetseng go tswa dingwageng tse dintsi tsa puso ya bonnye. Ka Molao ono re tshuba lebone go fedisa bosephiri le ditimalo e e neng e le karolo ya puso le tsamaiso ya kgethololo.
Maitlhomomagolo a Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa bo 2 wa 2000,ke go tlamelela ka tshwanelo ya phitlhelelo kwa tshedimosetso e e mo diatleng tsa Puso le ditheo tsa poraefete.
Tshwanelo e e tla thusa go godisa teranseparense, maikarabelo le taolo e e nonofileng ya setšhaba le mekgatlho ya poraefete. Go ya ka tshwanelo e, e tla kgontsha gape batho ba rona go tsaya karolo ka botlalo le go dira ditshwetso tse di utlwalang mo go ageng gape setšhaba sa rona ka tshedimosetso.
O agelela gape mo motheong wa rona wa go godisa setšhaba se mo go sona batho ba Aforika Borwa ba nang le phitlhelelo e e bokgoni ya tshedimosetso e e tla ba kgontshang go diragatsa, gammogo le go sireletsa ditshwanelo tsotlhe tsa bona ka botlalo.
Batho ba naga eno ba neile mmuso wa rona taolelo ya go diragatsa diphetogo, tse di tla tokafatsang boleng ba matshelo a MaAforika Borwa otlhe. Molao ono o tla tlisa motheo o o tiileng o re agelelang mo godimo ga ona, mo maitekong a rona a go batla puso e e lolameng le e e maikarabelo.
Tirokgolo ya Molao wa 2000 wa Phitlhelelo go Tshedimosetso, o o neng wa itsisiwe ka Mopitlwe 2001 ka go dira setšhaba se mo go sona batho ba Aforika Borwa ba nang le gona go fitlhelela tshwanelo kwa tshedimosetsong. Karolwana e ntšha e ya peomolao e kgontsha MaAforika Borwa otlhe e seng fela go diragatsa ditshwanelo tsa bona ka botlalo, mme sa botlhokwa segolo go sireletsa gotlhe ga ditshwanelo tsa bona jaaka di beilwe mo Molaotheong. Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso ke sedirisiwa sa botlhokwa mo go tshwaraganyeng ditshiamelo fa gare ga Molaotlhomo wa Ditshwanelo jaaka o tlhagisitswe mo Molaotheong.
Temokerasi ya rona ya Aforika Borwa e ikaegile mo dipilareng tsa tokologo, tekano le tlotlo ya seriti sa botho. Molao o mošwa ke karolo ya botlhokwa mo teng ga tirego ya phetogo, ka o ritela metheo e e beilweng fa teng ga Molaotlhomo wa Ditshwanelo.
Tlwaelo ka fa tlase ga puso ya kgethololo e ne e le gore ditiro tsa mmuso le tsamaiso ya yona di ne di apesitswe ke bophiri le tidimalo, go khupediwa bobodu le ditiro tse di sa tshwanelang. Ka ditlhopho tsa temokerasi tsa 1994, re tsene mo tseleng e ntšhwa e e godisang setso sa teraseparense le maikarabelo.
Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso o tlhagisetsa setšhaba sa Aforika Borwa tsela go nna le motswedi wa thuso kwa phitlhelelong ya tshedimosetso go tswa mo pusong le ditheong tsa poraefete.
Molao o, o mošwa o oketsa tlhokego ya ditheo tsotlhe go dira ka gale ka tshwanelo le go nna maikarabelo mo ditirong tsotlhe tsa tsona.
Go ya ka Molaotheo, Mametlelelo 4 le 5 mekgatlho ya tsamaiso ya porofense e laoletswe mmogo bokgoni ba peomolao ya gongwe le e e kgethegileng ya mafelo a ditiro e e totobetseng e ka yona taolo ya pharakano, dipalangwa tsa setšhaba, ditsela tsa porofense le ditiro tsa setšhaba di tsentsweng.
Popego ya ga jaana ya Lefapha e ne ya bopiwa ka 1999 fa Lefapha la maloba la Dipalangwa le Lefapha la Ditsela le Ditiro tsa Setšhaba di kopana mme Mokaedimogolo Moh Patience Mokhali, a ne a tlhomiwa go etelela Lefapha le porofense, go ya mo ngwagakgolong o mošwa le ditlhokego tsa ona tse di rileng.
Ga jaana go na le dikarolo tse nne tsa bokaedi mo Lefapheng tse di tlhokometsweng ke Mokaedmogolo a le mongwe. Tsona ke Bokaedi ba Tsamaiso, Bokaedi ba Ditsela le Ditiro tsa Setšhaba, Bokaedi ba Thulaganyo le Tsamaiso ya Diporojeke le Bokaedi ba Pharakano.
Tsweetswee bona letlhomeso la setshwantsho se se patagantsweng sa Lefapha.
patlisiso, tlhotlheletso le bokhutlo ba dikgetsi tsa kgalemo.
go tshwara le go tsamaisa dithutano.
go bopa, go kwala le go ranola peomolao le dipholese tsa lefapha.
go kwala dikonteraka le/kana go gakolola lefapha ka tsa semolao le kgonego ya go - -- saena ditumalano.
kgokagano le Mekgatlho ya Badiri, Bagakolodi ba Molao ba Naga le Babueledi ba Naga malebana le dikamano tsa bodiri le merero ya semolao.
kgokagano le Khansele ya go Ngangisana ya Porofense.
Boto ya Dipalangwa tsa Tsela tsa Selegae.
Dipalangwa tsa Lefatshe.
Botsamaisi ba Dikoloi.
Botsamaisi ba Thennere.
Ditirelo tsa Tlaleletso.
Ditirelo tsa Tshegetso.
Tsamaiso ya Badiri.
Tlhabololo ya Badiri.
LRTB ke bongwe bo bo ikemetseng, e e dirang go ya ka Molao wa Dipalangwa tsa Tsela wa Selegae wa1877. Tiro ya Boto ke go ntsha ditumelelo tsa dipalangwa tsa setshaba tsa dibese le ditekesi mo porofenseng. Karolo ya badiri ba tsamaiso ba leruri e dira ditiro tsa botsamaisi tsa Boto. Lephata le le eteletswe pele ke Mokwaledi wa Boto yo o thapilweng ke lefapha.
Karolo e e ikarabelela ditiro tse tharo tse dikgolo, e bong diketleetso tsa Dibese, tirego ya tekesi le thulaganyo ya dipalangwa.
Tiro e e ama thulaganyo ya diketleetso tsa bese mo porofenseng. E ne ya fetisediwa kwa porofenseng go tswa lefapheng la Bosetšhaba la Dipalangwa ka Moranang 1997. Mo nakong eo Lefapha la Bosetšhaba le tsene mo Dikonterakeng tsa Nakwana le badirisi ba dibese ba ba neng ba ntse ba duelwa diketleetso mo dingwageng.
Mo porofenseng e lefapha la Bosetšhaba le tsene mo dikonterakeng le Tirelo ya Bese ya Kapa Bokone, mo karolong ya Kimberley, le Northwest Star mo Hartswater le mafelo a Kuruman. Lefapha le ne le ikarabelela go rulaganya gape ditirelo tse di tlamelelwang mo dikonterakeng le go di ntshetsa kwa ntle kwa thennereng ya setšhaba.
Tirego e gongwe ke nngwe ya ditirego tse di gwetlhang thata tse di kileng tsa tsewa ke mmuso o mošwa. Ntlha ya gore ke tirego e e tshwanang e le esi ka makete a gore e e dira gore e nne e e gwetlhang thata mo lefapheng.
Hisitori ya intaseteri ya ditekesi e ka tsela e e leng gore e tswelela go utlwala thata mo maitekong a go tlhamalatsa intaseteri. Seno se lemosega ka sekgala se se bonya sa tirego.
Go fitlha jaanong lefapha le kwadisitse bokana ka 80% ya badirisi ba tekesi mo profenseng, le beile mo mannong mekgatlho segolo ya temokerasi, dikhansele tsa ditekesi tsa Kgaolo le khansele ya ditekesi tsa porofense. Dipopego tse tsa temokerasi di nolofaleditse lefapha go buisana le popego ya temokerasi e le nngwe fela e e emelang badirisi botlhe mo porofenseng.
Tshwaragano ya ditekesi, e e tla kgontshang badirisi go fokotsa ditshenyegelo tsa lotseno mo dikgwebong tsa bona ka go farologana ka go reka ka bontsi dikarolo, ditirelo le mafura, le yona e tlhomilwe mme e tsamaisiwa ke Boto ya Bakaedi (ba ba nang le maloko a intaseteri) ba ba tshegetsang le go gakololwa ke Bokaedi bo e seng maloko ba le bararo.
Tshwaragano e thusiwa ka tshwaragano ka ditšhelete ke lefapha le Lefapha la Bosetšhaba la Dipalangwa.
Tiro e e akaretsa tirisanommogo ya thulaganyo e e kopaneng ya mefuta ya dipalangwa tsa setšhaba le thulaganyo e nngwe le maitshimololelo a tsweletso.
Lephata le ikarabelela go reka dikoloi, go mekamekana le merero e e amanang le dipalangwa tsa dikoloi tse di etleediwang, go diriwa ga dipapetla tsa sekgala le go mekamekana ka kakaretso le ditleleime tsa tsela.
Karolo e e ikarabelela go tsamaisa dithennere tsotlhe tse di ntshiwang ke lefapha.
Karolo e ikarabelela kwa komiting ya boatlhodi ya lefapha mmogo le komiti ya Thennere ya lefapha.
Karolo e dira gape le ka kantoro ya boto ya Thennere ya porofense mo phasalatsong le tiregong ya dithennere.
Karolo e e ikarabelela go tshwaragana le ditiro tsa Botsamaisi ba Tlamelo, go neelana ka ditiro tsa Tshedimosetso ya Thekenoloji, go tshwaragana le merero ya mafaratlhatlha a megala le go neelana ka tiro ya ditirelo ya thuso ya dijo.
Karolo e e tshwaragane le go tsamaisa bonno ba kantoro le go rulaganngwa ga go phepafatsa le ditirelo tsa tshingwana.
Karolo e e ikarabelela go tshwaragana le merero ya Botsamaisi ba badiri mmogo le go neelana ka ditiro tsa Rejiseteri kwa Lefapheng.
Karolo e ikarabelela thulaganyo ya Tlhabololo ya badiri, go rulaganya tlhabololo yabadiri, tshekatsheko ya ditlhokego tsa katiso le go tlamela katiso.
Dijenale tsa go tsena tsa ntlha e leng; jenale ya tshupatefo ya madi a seatleng, tuelo ya madi a a seatleng le dijenale tsa kakaretso.
Go tlamela dithoto tsotlhe le ditirelo tsa lefapha.
Tsamaiso- thoto ya dithoto tsotlhe tse di bonweng kana di rekilwe.
Thuanyo ya dithoto ka sebele tsotlhe tse di nnye le tse dikgolo ka lenanethoto le le amaneng/direjisetara tsa disetoro le direjisetara tsa thoto.
Go dira tsamaisano ya thuno e e utlwalang ka Melawana yotlhe, Melao ya Porofense le Melao ya Bosetšhaba ya Palamente.
Go dira tsamaelano e e utlwalang ka melao yotlhe, ditsamaiso le dipopego tsa taolo ya ka fa gare le merero e e tsamaelanang.
Go tlhomamisa thuanyo ya diakhaonto tsa kwalelokgolo yotlhe ka diakhaonto tsa taolo tse di amanang.
Go tlhomamisa go ntshiwa go go siameng ga dijenale go ya diakhaontong tsa kwalelokgolo le motlhala wa tshalelo.
Go netefatsa thuanyo ya dithoto tsa sebele le direjisetara tsa thoto tse di amanang mmogo le lenanethoto le direjisetara tsa disetoro.
Go tsweletsa dithulaganyo tsa togamaano tse di maleba le maano a tiro ka maikemisetso a a metegang, a nnete, a a totobetseng le go fitlhelega.
Go sekaseka le go tokafatsa ditiro tsa tirego go oketsa kumo le bokgoni ka tiriso e e nonofileng ya didirisiwa tsa tsamaiso.
Go sekaseka le go lebelela diporojeke tsa ga jaana tsa letlotlo le mananeo.
Go tlhabolola ditekanyetso kabo tsa lefapha le ditirego tsa ponelopele go fitlhelela ditogamaano tsa lefapha le maikemisetso.
Go tsweletsa ditlhokego tsa tekanyetso kabo ya diporojeke tsa ga jaana le mananeo.
Go rulaganya go kgobokanngwa ga tekanyetso kabo.
Go sekaseka ditshisinyo tsa tekanyetso kabo.
Go tiisetsa tekanyetso kabo ya lefapha.
Go bona thebolo ya tekanyetso kabo.
Go tlhokomela tiragatso ya tekanyetso kabo le ditirego tsa ponelopele.
Go sekaseka le go lebelela bokana bo bo tlhagisitsweng le dipoelo.
Go lemoga ditlhokego tsa go dira tekanyetso.
Go sekaseka le go thadisa ditlhokego tsa ditiro tse di ikaegileng ka tekanyetso.
Go tsweletsa le go tlaleletsa mokgwa wa tekanyetso o o ikaegileng ka tiro.
Go rulaganya le go tlhomamisa tiragatso ya popego ya tekayetso e e ikaegileng ka tiro.
Tsamaiso ya pegelo ya tekanyetso e e ikaegileng ka tiro.
Go sekaseka le go thadisa mokgwa ya tekanyetso.
Lemoga ditlhokego tsa go bega diporojeke le mananeo.
Tsweletsa diporojeke tsa tokomane le dipegelo tsa lenaneo.
Siamisa, go ranola le go tlhagisa dipegelo tsa lenaneo.
Thadisa le go tsholetsa mokgwa wa go begela wa diporojeke le lenaneo.
Sekaseka le go thadisa diporojeke tsa ga jaana le mananeo.
Sekaseka le go lebelela diporojeke tse di ša tse di tshisintsweng le mananeo.
Lemoga ditlhokego tsa pholese ya lotseno.
Sekaseka le go thadisa ditlhokego tsa lotseno.
Tsweletsa le go tlaleletsa pholese ya lotseno.
Rulaganya tiragatso ya pholese ya lotseno.
Sekaseka le go lebelela tiragatso ya pholese ya lotseno.
Lemoga le go bona gore ke bokae ba ditlhokego tsa botsamaisi ba kotsi.
Sekaseka le go thadisa ditlhokego tsa botsamaisi ba kotsi.
Tsweletsa le go rulaganya pholese ya botsamaisi ba kotsi.
Kgobokanya leano la botsamaisi ba kotsi.
Laola dikotsi tse di lemogilweng.
Kgobokanya pegelo ya botsamaisi ba kotsi.
Sekaseka, lebelela le go thadisa leano la botsamaisi ba kotsi le ditogamaano tsa tiragatso.
Batlisisa ditlhagelelo tsa tsietso.
Kwala leano la go thibela tsietso.
Gokagana le boemedi ba tiragatso ya molao.
Kwala pegelo ka ga tsietso.
Sekaseka, go lebelela le go thadisa pholesi ya thibelo ya tsietso.
Sekaseka le go lebelela Kwalelokgolo ya Kakaretso le dipegelo tsa dikwalelokgolo tse di amaneng tsa taolo e e ruanyang.
Lemoga le go beela pele dikwalelokgolo, diphapogo tsa taolo tsa go ruanya akhaonto.
Lemoga togamaano ya tokafatso ya ditšhelete.
Sekaseka le go thadisa dipopego tsa taolo ya ditšhelete.
Sekaseka le go thadisa ditaolo tse di tshisintsweng le tsa ga jaana tsa ka fa gare.
Tsweletsa, go tlaleletsa le go kwala dipopego tsa taolo tsa ka fa gare.
Netefatsa tiragatso le tshegetso ya ditaolo tsa ka fa gare.
Rulaganya togamaano ya tokafatso ya taolo ya ka fa gare.
Sekaseka le go thadisa dipopego tsa taolo tsa ka fa gare.
Rulaganya dithuno tsa ditšhelete le tiragatso tsa ka fa gare le kwa ntle.
Lemoga dikarogo tsa thuno.
Rulaganya le go tsweletsa togamaano ya karogo ya tiragatso ya go nna teng.
Rulaganya mekgwa e mešwa ya tshedimosetso.
Sekaseka le go thadisa mekgwa e mešwa ya ga jaana ya tshedimosetso.
Rulaganya le go tlaleletsa mekgwa ya tshedimosetso.
Rulaganya tiragatso ya mekgwa ya tshedimosetso.
Thadisa le go tlaleletsa ditlhokego tsa botsamaisi ba tshedimosetso.
Lemoga ditlhokego tsa tshekatsheko ya ditšhelete.
Tsweletsa le go tlaleletsa togamaano ya tshekatsheko ya ditšhelete.
Dira tshekatsheko ya ditšhelete le ditekanyetso kabo.
Kgobokanya dipegelo tsa ditshwetso tsa botsamaisi tse di fatlhositsweng.
Lemoga botsamaisi le ditlhokego tsa go begela tsa bannaleseabe.
Tsweletsa dipegelo tsa botsamaisi tse di maleba, ka nako le tse di nepagatseng.
Baakanya, le go tlhalosa dipegelo tsa botsamaisi tsa jaanong.
Thadisa le go tsholetsa mekgwa ya botsamaisi ya go begela.
Lemoga ditlhokego tsa go bega ditšhelete.
Tsweletsa le go kwala dipegelo tsa ditšhelete.
Siamisa, tlhalosa le go tlhagisa dipegelo tsa ditšhelete.
Thadisa le go tsholetsa dipegelo tsa ditšhelete.
Go lemoga ditlhokego tsa pegelo e e laolwang.
Go tsweletsa le go kwala dipegelo tsa go laolelwa.
Go siamisa, go ranola le go tlhagisa dipegelo tsa go laolelwa.
Go thadisa le tsholetsa dipegelo tsa go laolelwa.
Bokaedi Tlaleletso: Ditirelo tsa Boagi le Bokana ba Tekanyetsolefatshe.
Go nna le badiri ba ba dirang mo go kgethegileng ka botlalo.
Go nna le mokgwa wa tlhaeletsano o o tlhamaletseng go kgontsha tsamaiso ya go rulaganya ditiro.
Go bapatsa Bokaedi kwa badirising, mafapha a mangwe, le baagi.
Tirelo ya ponelopele go ya ka taolo ya boleng le puisano.
Go nna le mekgwa ya tshenkelo e e dirang mo mannong.
Go tsweletsa motheo wa data le lenaneo la bo-SMME.
Go tlhomamisa tirelo e e mo nakong le tirelo ya bokgoni kwa badirising.
Go tlhomamisa thulaganyo ya bokgoni le tsamaiso ya thoto le botsamaisi ba dikonteraka tsa go hira.
Go nna le badiri ba kemedi - Bong le ba ba neng ba Kgapetswe thoko maloba.
Go tsamaisa bokaedi go ya ka ditsela tsa kgwebo.
Tlamelo ya dithulaganyetso tsa motheo ka tlholego ya ditiro.
Go tsweletsa maatlafatso ya baagi ka Mananeo a Ditiro tsa Setšhaba tse di ikaegileng ka Baagi.
Go tsweletsa pholese ya botsamaisi ba porojeke.
Tsamaiso ya thulaganyo ya maano a tsela.
Go kwalwa ga ditekanyetso kabo tsa tsela.
Tsamaiso ya diporojeke.
Go rulaganya le go tsamaisa kago le diporojeke tsa tsweletso.
Go neelana ka katiso le tirelo.
Go akanyetsa ditsela.
Go akanyetsa motheo wa dithulaganyetso.
Boleng ba ditlhalosetso.
Go diragadiwa ga moakanyetso wa matheriale.
Go neelana ka tshegetso ya thekenikale.
Go kwalwa ga tirelo ya boagi ba go thala.
Go tlamela keletso ya porofešenale malebana le morero wa go thala.
Bogokaganyi le go tlamela keletso kwa ditheong malebana le dintlha tsa matlo le tsweletso ya baagi.
Go dira tlhokomelo e e okameng le go tsamaisa tiragatso ya dikonteraka tsa go aga.
Go tlamela keletso ya porofešenale kwa baemeding ba kwa ntle le dikonteraka.
Go sekaseka disetifikeiti tsa tuelo le diakhaonto tsa konteraka tsa diporojeke tsa letlotlo.
Go diragatsa taolo ya boleng.
Go tlhomamisa tsamaelano le melawana le peomolao.
Tsamaiso ya diporojeke tsa baagi.
Temogo ya go bona setlapele mo diporojekeng tsa baagi.
Tsamaiso ya tsholetso ya baagi.
Tlamelo ya katiso ya baagi.
Tsamaiso ya maatlafatso a baagi.
Tlholego ya ditšhono tsa ditiro kwa baaging.
Go gokagana le batshameka karolo botlhe mo lenaneong.
Go dirana le taolo ya tekanyetso kabo.
Lebaka: Go rulaganya le go laola ditiro tsa boenjenere ba selegae.
Go neelana ka ditirelo tsa selegae le boenjenere ba kago.
Go tshegetsa ditsela le dikago.
Go tlamela ka ditirelo tsa keletso ya boenjenere.
Tsamaiso ya diporojeke tsa boenjenere.
Go tshwaragana le taolo godimo ga baemedi ba kwa ntle.
Go neelana ka ditirelo tsa tshegetso ka fa gare ga Kgaolo ya Prieska.
Go neelana ka ditirelo tsa tshegetso ka fa gare ga Kgaolo ya Prieska.
Lephata le ikarabelela go kwala, go tshegetsa le go rulaganya mokgwa wa botsamaisi ba data malebana le lefatshe le meago.
Lebaka: Go tlamela ditirelo tsa boenjenere ba mekhenikhale.
Go neelana ka ditirelo tsa boenjenere ba mekhenikhale.
Go tlamela pholese malebana le didirisiwa.
Go bona didirisiwa tse di tlhokegang.
Taolo le tlamelo ya didiriswa.
Tshegetso ya bomekhenikhale ya dirori tsa Mmuso.
Lebaka: Go tlamela tirelo ya tlhatlhobo ya ditiro.
Lebaka: Go gatelela taolo ya boleng.
Tlhatlhobo ya meago le dipopego.
Thulaganyo ya mananeo a tlhatlhobo mmogo le Mafapha a Porofense.
Botsamaisi le taolo ya diporojeke tsa kago tse dikgolo le tse dinnye.
Go neelana ka ditirelo tsa tshegetso go ya go renteng le ditirelo tsa go phepafatsa.
Go tlamela tirelo ya tshegetso ya botsamaisi.
Bokaedi bo na le Bokaedi Tlaleletso bo bobedi, kgapeletso ya Molao le Botsamaisi ba Pharakano.
Go diragadiwa ga Kgapeeletso ya Molao wa Pharakano.
Thulaganyo ya Thuto ya Pabalesego ya Tsela.
Go tlamela Ditiro tsa Botsamaisi ba Molao.
Tsweletso ya boitlhokomelo ka kakaretso le maitshwaro a tsela a a siameng.
Tiragatso ya melao ya pharakano.
Taolo ya dipholesi tsa pharakano.
Botsamaisi ba taolo ya pharakano.
Tiragatso ya patlisiso ya pharakano.
Tiragatso ya ditiro tsa botsamaisi malebana le ditiro tsa pharakano.
Tlhatlhobo le go sala morago merwalo e e feteletseng.
Tshekatsheko ya tshiamelo tsela ga dikoloi.
tlhatlhobo le thebolo ya dilaesense tsa go kgweetsa.
Taolo ya boima jwa ase kwa diteišeneng tsa go kala.
Lebaka la Bokaedi Tleletso ke go tlamela ditirelo tsa botsamaisi ba pharakano mme bo na le dikarolo tse nne e bong Mekgwa ya Tshedimosetso ya Pharakano ya Bosetšhaba (Natis) le Botsamaisi ba Molao, Pabalesego ya Tsela le Botlhatlhobi.
Go neelana ka thuso ka mokgwa wa Deseke ya Thuso.
Go neelana ka katiso e e tsamaelang le Nats le ditiro tse di amaneng.
Go tshwarana le merero ya dinomoro polata tsa motho ka sebele.
Go kwala Molaotlhomo wa peomolao.
Go tshwaragana le kwadiso ya molao wa pharakano.
Go tshwaragana le dikarogo.
Go ruanya matlotlo a a dirilweng ke bommasepala.
Tlhatlhobo ya dikarogo go ya ka melawana e e dirang.
Tlhatlhobo ya polokelo le pusetso ya ditheipi tsa tshegetso.
Go kwala dipegelo tsa thuno.
Go rekota madi a laesense a a kgobokantsweng go tswa go bommasepala.
Go rekota tirisano e e dirilweng ke mmasepala.
Go laolwa ga merero ya ditšhelete malebana le botsamaisi ba koloi.
Go ruta setšhaba malebana le pabalesego ya tsela.
Kwadiso ya dipaterolo tsa bana ba dikolo.
Tswletso ya pabalesego ya tsela ka mokgwa wa matsholo tsa go bapatsa.
Tiragatso ya Matsholo a Goroga o Tshela.
Go tshwara data sk. dipalopalo tsa kotsi.
Tlhokomeo ya diteišene tsa diteko le ditikwatikwe tsa teko.
Patlisiso ya dingongorego tse di amanang le diteišene tsa diteko le ditikwatikwe tsa diteko.
Tlhokomelo ya ditiro malebana le maborogo a go meta le go pega thoto e e fetang selekano.
Go ya ka Molao wa Tswletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso, Motlhankedi wa Tshedimosetso o tlhomilwe/emiseditswe go tlhomamisa tsamaiso ya tirego ya phitlhelelo kwa tshedimosetsong/direkotong. Go tlaleletsa, Motlatsa Batlhankedi ba Tshedimosetso o tlhomilwe/emiseditswe go thusa Motlhankedi wa Tshedimosetso ka tiro e.
Go ya ka karolo 10 ya Molao, Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa (SAHRC) e tshwanetse go kwala mo puong nngwe le nngwe ya semmuso kaedi e e tshotseng tshedimosetso e e jalo, ka sebopego le mokgwa o o utlwalang, jaaka go ka tlhokega fa go kgonegang ka motho yo o eletsang go dira tshwanelo efe e e tshisinngwang mo Molaong.
Kaelo e tla nna teng go tswa go SAHRC e seng kwa morago ga Phatwe 2003.
Go ya ka Molao wa Phitlhelelo ya Tshedimosetso 2000, motho mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go kopa go bona tshedimosetso/direkoto tse di mo diatleng tsa Naga kana Mokgatlho wa Setšhaba. Gore o bone direkoto, motho o tshwanetse go dira kopo ka go tlatsa foromo ya phitlhelelo ya tshedimosetso, e e bonwang kwa kantorong efe kana efe ya Lefapha. Foromo e e tshwanetse go romelwa kwa go Motlhankedi wa Tshedimosetso, kwa dintlheng tsa kgolagano tse di fa godimo.
Motlhankedi wa Tshedimosetso o tla tlhomamisa gore a motho yo o kopang tshedimosetso ke mokopi wa sebele kana nnyaya, k.g.r a tshedimosetso e ama fela motho yo o kopang tshedimosetso kana nnyaya. Fa motho e le mokopi ka sebele, ga go madi a pele a a tla duelwang. Fa tshedimosetso e sa ame fela motho yo o kopang tshedimosetso, madi a pele a R 35,00 a duelwa pele ga tiro e tswelela. Ka jalo, kopo ga e ne e dirwa go fitlha madi a pele a duetswe.
Fale madi a duetswe, Motlhankedi wa Tshedimosetso o tla laela badiri ba ba maleba go ntsha rekoto(di) tse di amegang.
Fa rekoto e ntshitswe, Motlhankedi wa Tshedimosetso o tla thadisa lokwalo le go bapisa diteng tsa rekoto le mabaka a kgano, jaaka go tlhalositswe ke Molao.
Fa phitlhelelo e ka rebolwa, mokopi/mokopi wa sebele o tla itsisiwe ka ditshenyegelo tse di tshwanetseng go duelelwa tlhagiso ya rekoto.
Mo tuelong ya madi a a maleba, rekoto/kana karolo ya seo sa phitlhelelo e e rebotsweng, e tla tlhagisiwa le go romelwa kwa mothong yo o kopileng tshedimosetso.
Mo lebakeng la phitlhelelo go ya rekotong e sa rebolwa, motho yo o kopileng phitlhelelo go ya rekotong, o tla itsisiwe gore phitlhelelo ga e a rebolwa mme ditsamaiso tsa boikuelo tse di maleba tse di tshwanetseng go latelwa di tla tlhalosiwa.
Direkoto mo Kantorong ya Tona di kgaogantswe bofefo go ya ka direkoto tsa kwalelano le direkoto tsotlhe go na le kwalelano (direkoto tse dingwe).
Kwalelano e laolwa le go tsamaisiwa go ya ka ditsela tse tharo tsa go faela tse di atlanegisitsweng go dirisiwa mo kantorong ke Diakhaefe tsa POROFENSE. Kwalelano yotlhe malebana le merero ya badiri e tsamaisiwa ke Tsela ya go Faela ya Ditiro tsa Yunifomo ya Badiri; ditiro tse dingwe tsotlhe tse di amanang le kwalelano di laolwa ke Tsela ya go Faela ya Ditiro tsa Yunifomo ya Badiri. Ditsela tse pedi tsa yunifomo ya go faela di a gapelediwa mo mafapheng otlhe mo Botsamaisng ba POROFENSE ba Kapa Bokone (NCPA). Kwalelano yotlhe malebana le kologano ya ditiro tsa Kantoro ya Tona e laolwa ke Kologano ya Ditiro e e rebotsweng, e e tshwanang e le esi kwa Kantorong ya Tona mme e sa dirisiwe gope mo mafapheng a mangwe mo NCPA. Difaele tsa batho tse di bulwang go ya ka ditsela tse tharo tse di bontshiwa mo Rejisetareng ya Difaele tse di Butsweng e e tshwaragantsweng.
Direkoto tse dingwe di laolwa le go tsamaisiwa go ya ka Mametlelelo e e laolang Direkoto, e e iseng e rebolwe ke Diakhaefe tsa Porofense.
Go tloga 1994-2001, Lefapha le ne le sa arologanyetse le go tsamaisa direkoto tsa lona go ya ka melawana ya diakhaefe mo lebakeng le. Direkoto tse ga jaana di faeliwa gape go ya ka mekgwa ya karologanyo e e rebotsweng (ditsela tsa go faela le Mametlelelo ya Taolo ya Direkoto). Seno ke tirego e e ka se fediweng ka bosigo bo le bongwe mme manuale o o bontsha direkoto fela tseo tse di arologanyeditsweng fa e sale ka Mopitlwe 1998. Jaaka fa direkoto tse di sa arologanyediwang di faeliwa gape, manuale o o tla tlalelediwa mme dikhophi tsa ditlaleletso di tla isiwa kwa Khomišeneng ya Ditshwanelo tsa Botho ka dipaka tsa tswelelo.
Go tshwanetse go tlhokomelwe gape gore direkoto go tswa dikgaolong tse di farologaneng gape ga di a tsenngwa. Di tla tsenngwa mo kgatong ya morago.
maphata a kantoro kgolo/dikarolo/dikarolwana jljl.
thapo/kwadiso ya maloko mananeotema, metsotso le dipegelo ncop khansele ya bosetšhaba ya diporofense.
rcckomiti ya go rulaganya ditsela rbbon komiti tlaleletso ya tsweletso mmskomiti tlaleletso ya mokgwa wa botsamaisi ba leano la tsela komiti tlaleletso ya mookamedi wa tsela komiti ya thekenikale ya merwalo e e feteletseng komiti tlaleletso ya moenjenere wa go emela mc komiti ya matheriale wa tsela komiti tlaleletso ya tirelo ya mekhenikhale kago le tshegetso ya komiti tlaleletso komiti tlaleletso ya tikologo ms komiti tlaleletso ya go naya dinomoro tsa tsela rtmc boemedi ba tshwaragano ya botsamaisi ba pharakano ya tsela komiti ya thekenikhale ya peomolao ya pharakano ya tsela rtitkomiti ya mekgwa ya thekenikhale ya tshedimosetso ya pharakano ya tsela komiti ya thekenikhale ya tlhaeletsano le bontsi ya pabalesego ya tsela.
moakanyetso wa matheriale maborogo matshwao a tsela dikgoro tsa koloi/kereti l.1.2.1.
Taolo ya mametlelelo e neetswe Motsamaisi wa Direkoto. Go se nne le diphetogo le/kana ditlaleletso kwa mametlelelong kwa ntle ga thebolo ya motlhankedi.
Phetogo, Ditlaleletso le go Begela.
Diphetogo le ditlaleletso tsotlhe di tshwanetse go romelwa kgabetsa kwa Moakhaefeng wa Porofense go kwala, go rebola le go neela bothati ba go latlha.
Khophikgolo ya mametlelelo e e laolang direkoto e faelwa mo khabareng e e nosi mme e bontshiwa jalo mo khabareng e e kwa ntle. Khophi e e tsholwa ke motlhankedi yo o boletsweng fa godimo yo o tshwanetseng go tlhomamisa gore e tsholwa e feleletse mme le gore ditaelo mo temaneng 2 di a diragadiwa.
Fale bothati ba go latlha bo bo emeng bo rebotswe go ya ka mabaka a a mo mametlelelong e e laolang direkoto regisetara e e senyang e tshwanetse go diragadiwa. Rejisetara e, e kgaogantswe go ya ka dingwaga, sk. 2002, 2003, 2004, jljl. Fa sengwe se tswaletswe, tshupetso ya sona e tshwanetse go tsenngwa ka fa tlase ga ngwaga o se tla senngwang ka ona. Selo se se tswalang ka 2002 se taelo ya tshenyo e leng D3, se tla tsenngwa ka jalo ka fa tlase ga ngwaga 2005, ka go rialo se dira bonolo go lemoga gore ke dilo dife tse di tla senngwang mo ngwageng ofe o o rileng. Tiriso ya sebofo sa letlhare le le leketlhang e a atlanegisiwa ka go sa kgonege go tlhomamisa palo ya ditsebe tsedi tlokegang ka ngwaga pele ga nako.
Dilo di tshwanetse go latlhiwa kgabetsa- bogolo gangwe ka ngwaga- tse mo godimo setefikeite se se tlhalositsweng sa tshenyo se tshwanetseng go romelwa kwa Moakhaefeng wa Porofense.
Dilo tsotlhe di tshwanetse go lemogiwa mo khabareng ya lentlle ka mokgwa wa nomoro le leina jaaka di tlhagelela mo mametlelelong e e laolang direkoto mmogo le taelo e e maleba ya tshenyo. Palo le taelo ya tshenyo di tshwanetse go kwalwa mo bolokong e e khutlometsepa.
Tlhaloso ya Matshwao a go Latlha.
A20 - Fetisetsa kwa bobolokelong ba diakhaefe dingwaga di le 20 morago ga bokhutlo ba ngwaga o direkoto di neng tsa dirwa.
D - Senya (mmele wa tshimologo ka boona o tlhomamisa nako ya tshwaro).
D7 - Senya dingwaga di le supa morago ga tswalelo.
AP - E ka nna mo tisong ya mokgatlho ka go sa fele. Fa tatlho e nna teng, sk. fa kantoro e tswalela kana dithoto di latlhiwa; e tshwanetse go fetisediwa kwa bobolokelong ba diakhaefe.
DAU - Senya ka bonako morago ga fa go runa go fedile.
DAU3 - Senya dingwaga di le 3 morago ga fa go runa go fedile.
Mananetema le 2.
Dipegelo 1. Pegelo ya Ngwaga Motlhankedi Mogolo wa Madi 2.
Direjisetara 1. Direjisetara tsa tshenyo Rejiseteri tsa madi ga di a tsenngwa 2.
Diphasalatso tse di phasaladitsweng 1.
Tse le tsele 1.
Direkoto tsa eleketeroneki Direkoto tse ga di bope karolo ya mokgwa wa botsamaisi ba direkoto tsa direkoto tsa eleketeroniki mme ga di ise di naneofadwe ka tsepamo. Di teng mme di tsamaisiwa mo polokelong ya khomputara ka nosi ya batlhankedi ba ba thapilweng mo Lefapheng. Bontsi ba direkoto tse di teng gape mo pampiring mme di bontshiwa mo difaeleng tsa kwalelano tsa Lefapha.
Kutlo-pono 1. 1.
Setshwantsho letlhomeso se se rebotsweng sa mafapha otlhe mo NCPA.
Dintlha tsa Ditšhelete tsa Ngwaga tsa Mafapha.
Direkoto tsotlhe tse di phasaladitsweng pele sk. diboroutšhara, makwalodikgang, ditshwantsho, dikhalentara jljl.
Direkoto tsotlhe tse di phasaladitsweng mo webesaeteng ya NCPA.
Direkoto tsotlhe tsa ditsamaiso tsa diforamo tsa setšhaba.
Direkoto tsotlhe tse di sa umakiwang mo go 1-9 fa godimo di bontshiwa mo Rejisetareng ya Difaele tse di Butsweng le Mametlelelo ya Taolo ya Direkoto. Phitlhelelo go ya ditlhokegong tsa morago e tla dirisediwa theo ya mong ka nosi.
Fa Motlhankedi wa Tshedimosetso a ka gana ka phitlhelelo kwa rekotong efe e e tshotsweng ke Naga kana Mokgatlho wa Setšhaba, motho yo o kopang tshedimosetso o tshwanelwa ke go ikuela tshwetso.. Go tsamaisana le se, fa phitlhelelo e ka rebolelwa rekoto e e amang lekoko la boraro, lekoko leo la boraro le lona le tshwanelwa ke go ikuela tshwetso. Boikuelo bo tla thadisiwa ke Bothati bo bo Maleba. Bothati bo bo Maleba bo tla sekaseka kopo le rekoto go ya ka ditlhaloso tsa Molao 2000, wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso.
Fa go ka fitlhelwa gore kopo e ne ya ganwa ka phoso, Bothati bo bo Maleba bo tla busetsa morago tshwetso ya pele ya Motlhankedi wa Tshedimosetso le go neelana ka phitlhelelo kwa rekotong. Mokopi o tla itsisiwe jaanong ka tshwetso le madi a a tlhokegang a a dumelelwang tlhagiso ya rekoto kana karolo ya seo.
Mo lebakeng la gore Bothati bo bo Maleba bo tshegetsa tshwetso ya Mothankedi wa Tshedimosetso gore a se neele phitlhelelo kwa rekotong, mokopi o tla itsisiwe ka tshwetso. Mokopi o tla itsisiwe gape ka diphekolo tse di latelang.
Fale diphekolo tsotlhe tsa boikuelo ba ka fa gare, jaaka di lemogilwe ke Mokgatlho wa Setšhaba, di tlhobogilwe, mokopi o na le tshwanelo go ikuela kwa kgotlatshekelo..
Bo tshwanetse go diriwa mo foromong e e tlhalositsweng (jaaka e tlhagisitswe ke Mokgatlho wa Setšhaba) mo malatsing a le 60 le ale 30 a boikuelo ba lekoko la boraro.
Bo tshwanetse go romelwa kana go isiwa kwa Motlhankeding wa Tshedimosetso wa mokgatlho o o amegang wa setšhaba kwa dintlheng tsa kgolagano tsa gagwe.
Bo tshwanetse go bontsha setlhogo sa boikuelo ba ka fa gare.
Bo tshwanetse go neela mabaka a boikuelo ba ka fa gare.
Bo ka tsenyeletsa tshedimosetso e nngwe efe gape e e itsiweng ke moikuedi.
Fa, mo tlaleletsong ya karabo e e kwadilweng, moikuedi a tshwanetse go tlhagisa ka fao a eletsang go itsisiwe le dintIha tse dingwe tse di maleba go itsisiwe jalo.
Fa e le gore go ka nna le madi a boikuelo, madi a a tshwanetse go tshwaragana le boikuelo bo bo kwadilweng go ya Motlhankeding wa Tshedimosetso. Madi a boikuelo a a tlhalositsweng, fa a le teng, a tshwanetse go duelwa. Fa go ka diragala gore boikuelo bo se duelwe, tshwetso mo boikuelong e ka nna ya faposiwa go fitlha nako e madi a duetsweng.
Boikuelo bo bo kwadilweng bo tshwanetse go tlhalosa aterese ya poso kana nomoro ya fekese.
Fa boikuelo bo tsentswe morago ga nako e e fedileng, k.g.r malatsi a le 60 / 30, Bothati bo bo Maleba bo tshwanetse, mo lebakeng le le siameng le le bontshitsweng, bo dumelele go tsenngwa thari ga boikuelo ba ka fa gare. Fa bothati bo bo maleba bo ka se dumelele go tsenngwa thari ga boikuelo ba ka fa gare, bo tshwanetse go neela kitsiso kwa mothong yo o tsentseng boikuelo ba ka fa gare.
Dintlha tsa kgolagano tsa lekoko la boraro lefe le le tshwanetseng go itsisiwe.
Fa Bothati bo bo Maleba bo sekaseka boikuelo ba ka fa gare kgatlhanong le kgano ya kopo ya phitlhelelo kwa rekotong e e amang lekoko la boraro, Bothati bo bo Maleba bo tshwanetse go itsise lekoko la boraro ka boikuelo ba ka fa gare, kwa ntle le fa dikgato tsotlhe go fitlhelela lekoko la boraro di paletswe. Mo lebakeng la fa lekoko la boraro le tshwanetse go dumelelwa go dira dikemedi tsa mokwalo/molomo.
Fa lekoko la boraro le ka bo le sa fitlhelelwe, ntlha ya gore lekoko le boraro ga le a nna le tšhono ya go dira kemedi, ke lebaka leo boikuelo ba ka fa gare bo tshwanetseng go kgapelwa thoko.
Bothati bo bo maleba bo ka nna ba gatisetsa tshwetso ya pele kana bo ka nna ba ntsha tshwetso e ntšha. Tshwetso mo boikuelong ba ka fa gare e tshwanetse go dirwa mo malatsing a le 30 morago ga kamogelo ya boikuelo ba ka fa gare. Ka bonako morago ga tshwetso e dirilwe, Bothati bo bo maleba bo tshwanetse go neela kitsiso kwa moikueding, lekoko lengwe le lengwe la boraro le mokopi mme go fitlha fa go kgonegang go itsisiwe moikuedi ka mokgwa o o neng wa kopiwa.
Go bolelwe gore mekgatlho e e amegang, k.g.r moikuedi, lekoko la boraro, jljl. Ba ka tsenya kopo le kgotlatshekelo kgatlhanong le tshwetso mo boikuelong ba ka fa gare mo malatsing a le 60 kana 30 (lekoko la boraro).
Mo boitlhobogong ba ditsamaiso tsotlhe tsa boikuelo ba ka fa gare, mokopi o na le tshwanelo go fitlhelela kgotlatshekelo go ikuela pele.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso 4.txt</fn>
Maitlamo a AforIka Borwa a gore go nne le phitlhelelo ya tshedimosetso a tlotla boitlamo jwa rona jwa molaotheo jwa go tsenya tirisong tshwanelo ya botlhokwa ya phitlhelelo ya tshedimosetso e e mo diatleng tsa Puso gongwe tshedimosetso e e mo ditheong tsa poraefete.
Molao ono ke kgato e kgolo ya tlhabololo fa go lebelelwa boswa jwa sephiri jo re bo fitlhetseng go tswa mo dingwageng tse dintsi tsa puso e e neng e sa re sepe ya bonnye. Ka Molao ono re tshuba lebone go fedisa bosephiri le tidimalo e e neng e le karolo ya puso le tsamaiso ya tlhaolele.
Maitlhomomagolo a Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa bo2 wa 2000, ke go tlamela ka tshwanelo ya phitlhelelo ya tshedimosetso e e mo diatleng tsa Puso le ditheo tsa poraefete.
Tshwanelo eno e tla godisa gore go bewe dilo mo pepeneneng, go rwalwe maikaraelo gammogo le tsamaiso e e bokgoni ya ditheo tsa setšhaba le tsa poraefete. Go ya ka tshwanelo eno, e tla thusa gape batho ba rona go nna le seabe se se tletseng gammogo le go tsaya ditshwetso ka kitso jaaka re bopa sešwa setšhaba sa rona ka tshedimosetso.
O agelela gape mo motheong wa rona wa go godisa setšhaba se mo go sona batho ba Aforika Borwa ba nang le phitlhelelo e e bokgoni ya tshedimosetso e e tla ba kgontshang go diragatsa ka botlalo gammogo le go sireletsa ditshwanelo tsotlhe tsa bona.
Batho ba naga eno ba romile puso ya rona gore e diragatse diphetogo tse di tla tokafatsang boleng jwa matshelo a MaAforika Borwa otlhe. Molao ono o tla tiisa motheo ono o o tiileng o re agelelang mo godimo ga ona, mo maitekong a rona a puso e e lolameng e e maikarabelo.
Tiro e kgolo ya Molao wa Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa 2000, o o goeleditsweng ka kgwedi ya Mopitlwe 2001, ke gore go nne le seemo se mo go sona batho baagi ba Aforika Borwa ba nang le bokgoni jwa go fitlhelela tshwanelo ya go bona tshedimosetso. Molao ono o montšhwa ga o kgontshe MaAforika Borwa go diragatsa ditshwanelo tsa bona ka botlalo fela, ntlha ya botlhokwa go gaisa ke ya gore o sireletsa ditshwanelo tsotlhe tsa bona jaaka di tlhagelela mo Molaotheong. Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso ke sediriswa sa botlhokwa mo go kopanyeng ditlamelo tse di mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo jaaka o fitlhelwa mo Molaotheong.
Temokerasi ya rona ya Aforika Borwa e ikaegile ka dipilara tsa kgololesego, tekatekano gammogo le go tlotla seriti sa botho. Molao ono o montshwa ke karolo ya botlhokwa mo thulaganyong ya go lere diphetogo ka ntlha ya fa o konotelela motheo o o adilweng ka Molaotlhomo wa Ditshwanelo.
Se se neng se tlwaelegile ka puso ya tlhaolele e ne e le gore ditiro tsa puso gammogo le tsamaiso ya yona di ne di aparetswe ke sephiri le tidimalo, go bipiwa ditiro tsa bobodu le tse di seng ka fa molaong. Ka ditlhopo tsa temokerasi tsa ngwaga wa 1994, re tlhagotse tsela e ntšhwa e e rotloetsang mokgwa wa go baya dilo mo pepeneneng gammogo le go rwala maikarabelo.
Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso o naya baagi ba Aforika Borwa tshono ya go nna le bokgoni jwa go fitlhelela tshedimosetso go tswa mo pusong le mo ditheong tsa poraefete.
Molao ono o montšhwa o tlaleletsa botlhokwa jwa gore ditheo tsotlhe di dire gore ka gale di dire ditiro tse di mo molaong le go rwala maikarabelo a ditiro tsotlhe tsa tsona. Molao ono o montšhwa o goeleditswe e le kgato e nngwe ya go netefatsa botshelo jo bo botoka ka go tlamela baagi fela ka tshono ya go filthelela tshedimosetso e e leng gore kwa bofelong e ka dira gore ditheo tsa poraefete le tsa setšhaba di rwale maikarabelo a ditiro tsa tsona.
Lefapha la Pabalesego le Bogokaganyi ke lefapha le le dirang ditiro tsa lona ka mokgwa o o netefatsang puso e e lolameng. Go botlhokwa tota gore Lefapha leno le tseye seabe sa ketapele go fitlhelela maitlhomo a a tshwanang a Porofense. Seabe seno se netefatsa gore puso ya Bosetšhaba le tsa Selegae di golagane sentle, le go netefatsa gore gareng ga tse dingwe, go nna le tsamaiso e e lolameng ya ditšhelete, tsamaiso ya badiri gammogo le togamaano ya lefapha, jalo le jalo.
Go bonagetse gore, go netefatsa gore go diragadiwa ditiro le seabe sa lefapha sentle; go tshwanetse ga nna le popegotheo e e bokgoni. Popegotheo e e feletseng e e bontshang diyuniti di le mmalwa tse di kopaneng, ditiro tsa tsona gammogo le diphatlatiro tsa teng, e manegilwe fano jaaka Mametlelelo A.
Go latela ditaelo tsa Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso, go thapilwe/ go supilwe Motlhankedi wa Tshedimosetso go netefatsa gore go nna le tsamaiso ya thulaganyo ya phitlhelelo ya tshedimosetso/ direkoto. Go feta moo, go thapilwe/ go supilwe Batlatsamotlhankedi wa Tshedimosetso go thusa Motlhankedi wa Tshedimosetso ka tiro ya gagwe.
Go ya ka molao ono o montšhwa: Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa 2000, motho mongwe le mongwe o na le tetla ya go kopa phitlhelelo ya tshedimosetso nngwe le nngwe e e tshotsweng ke mmuso gongwe setheo sengwe le sengwe sa setšhaba. Gore motho a kgone go fitlhelela tshedimosetso, motho o tshwanetse go tlatsa foromo ya kopo ya phitlhelelo ya tshedimosetso. Foromo e tlapisitswe fano jaaka Mametlelelo E. Foromo eno e tshwanetse go romelwa go Motlatsamotlhankedi wa Tshedimosetso kwa dintlheng tse di fa godimo tsa kgolagano.
Motlatsamontlhankedi wa Tshedimosetso o tla swetsa gore a motho yo o dirang kopo ya tshedimosetso ke mokopi wa sebele (a kopa tshedimosetso ya gagwe ka sebele). Fa e le mokopi wa sebele ga a kitla a tlhoka go duela tuelo ya kopo. Fela fa e le mokopi (tshedimosetso e nngwe) foo gona o tshwanetse go duela tuelo ya kopo ya bokana ka R35.00 pele ga go ka simololwa ka go batla rekoto. Ka jalo, ga go kitla go tswelelwa ka kopo fa go ise go duelwe tuelo eo ya ntlha.
Fa tuelo e setse e dirilwe, Mothusamotlhankedi wa Tshedimosetso o tla laela badiri ba ba maleba go goga direkoto/ rekoto e e amegang.
Fa rekoto e setse e gogilwe, Mothusamotlhankedi wa Tshedimosetso o tla e sekaseka mme a swetse gore a e na le pabalesego e e fitlhelwang ka fa tlase ga Molao.
Fa phitlhelelo e ka rebolwa, mokopi/ mokopi wa sebele otla itsesewe ka ditshenyegelo tse di tshwanetseng go duelelwa go tlhagisiwa gape ga rekoto.
Fa go sena go amogelwa tuelo tse di maleba, go tla dirwa dikhopi tsa rekoto gongwe karolo ya yona e go rebotsweng tetla ya gore e fitlhelelwe mme e romelwe go motho yo o kopileng tshedimosetso.
Fa e le gore phitlhelelo ga e a rebolwa, motho yo o kopileng phitlhelelo ya yona, o tla itsesewe ka seo gammogo le mabaka a kganelo eo, gammogo le dithulaganyo tse di maleba tsa boikuelo tse a ka di latelang.
Direkoto tse di fitlhelwang mo Lefapheng la Pabalesego le Bogokaganyi di ka aroganngwa go ya ka direkoto tsa makwalo le direkoto tse dingwe tse e seng makwalo (direkoto tse dingwe).
Makwalo a laolwa le go tsamaisiwa go ya ka dithulaganyo di le pedi tsa go faela tse di reboletsweng go dirisiwa mo kantorong ke lephata la Diakhaefe la Porofense. Makwalo otlhe a a malebana le merero ya badiri a tsamaisiwa ke Thulaganyo E E Tshwanang ya go Faela ya Ditiro tsa Badiri; makwalo otlhe a a malebana le ditiro tsa tshegetso a laolwa ke Thulaganyo E E Tshwanang ya go Faela ya Ditiro tsa Badiri. Makwalo otlhe a a malebana le ditiro tsa ka gale tsa lefapha di tshwana le diyuniti tsa Lefapha (ntle le tsamaiso le ditšhelete) a tsamaisiwa ka Thulaganyo ya go faela ya Ditiro tsa Ka Gale. Dithulaganyo tseno tse di tshwanang tsa go faela di tshwanetse go dirisiwa mo mafapheng otlhe a Tsamaiso ya Porofense ya Kapa Bokone. Difaele tsa batho tse di butsweng go ya ka dithulaganyo tse tharo tseno di kailwe mo Rejisetareng e e mametleletsweng fano ya Difaele tse di Butsweng.
Direkoto tse dingwe di laolwa le go tsamaisiwa go ya ka sejule ya Taolo ya Direkoto e ga jaana e iseng e rebolwe ke lephata la Diakhaefe tsa Porofense.
Go tloga ka ngwaga wa 1994 go ya go 2001, Lefapha le ne le sa aroganye le go tsamaisa direkoto tsa lona go ya ka dithebolo tsa diakhafe. Ga jaana go tshwaraganwe le go faela direkoto go tswa kwa morago go ya ka dithulaganyo tse di rebotsweng tsa karoganyo (dithulaganyo tsa go faela le Sejule ya Taolo ya Direkoto). Seno ke thulaganyo e e ka sekeng ya wediwa ka ponyo ya leitlho mme ka jalo, manyuale ono o bontsha fela direkoto tse di arogantsweng go tloga ka kgwedi ya Ngwanaatsele ka ngwaga wa 1999. Fa direkoto tse di aroganngwang di ntse di faelwa go tswa kwa morago, manyuale ono o tla nna o bewa mo dinakong mme dikhopi tse di baakantsweng di tla nna di isiwa kwa Komišeneng ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa gangwe le gape.
Lephata la Mokhuduthamaga wa Pabalesego le Bogokaganyi le na le thulaganyo ya lona e e rebotsweng ya go faela mme ga e a tshwanela go dirisiwa ke maphata a mangwe a Lefapha.
a. DIPOTSISO TEBANG LE PHOLESI MME DI SA LEBISE KWA GORENG GO TLHAMIWE PHOLESI E NTŠHWA KGOTSA THANOLO E E BAAKANTSWENG YA PHOLESI E E GONA.
b. GO SAMAGANA LE DIKGETSE TSA BATHO KA BONGWE KA BONGWE MME DI SA LEBISE KWA GO RENG GO TLHAMIWE PHOLESI E NTSHWA GONGWE GO BAAKANGWA GA PHOLESI YA GA JAANA.
c. DIKGETSE TSE DI MALEBANA LE NTLHAKGOLO GONGWE DINTLHANA KA KAKARETSO, FELA E SE MERERO YA PHOLESI, GAMMOGO LE DINTLHA TSE DI TLHAOTSWENG TSA MORERO O O RILENG O GO SENANG FAELE YA ONA. MO MABAKENG A A JALO, MOTSAMAISI WA DIREKOTO O TSHWANETSE GO BUISANA LE MOAKHAEFE WA POROFENSE GORE GO TLE GO BULWE DIFAELE TSE DI MALEBA.
Taolo ya sejule e mo magetleng a Motsamaisi wa Direkoto. Ga go a tshwanela go dirwa dipaakanyo le/ kgotsa ditlaleletso dipe mo sejuleng ntle le tumelelo ya motlhankedi yono.
Dipaakanyo tsotlhe le ditlaleletso di tshwanetse go tlisiwa gangwe le gape go Moakhaefe wa Porofense gore a di kwale, a di rebole mme a ntshe tetla ya gore di tlosiwe.
Khopikgolo ya sejule ya taolo ya direkoto e faelwa mo sephuthelong se sele mme e supiwa jalo mo sephuthelong se se ka fa ntle. Khopi e tsholwa ke motlhankedi yo o kailweng fa godimo yo o tshwanetseng go netefatsa gore e tsholwa e le mo dinakong le gore ditaelo tsa tema 2 di a tswelediwa.
Fa go setse go rebotswe tetla ya go tlosiwa ga dilo tse di mo sejuleng ya taolo ya direkoto, go tshwanetse ga tsenngwa tirisong rejisetara tsa tshenyo. Rejisetara eno e arogantswe ka dingwaga, go fa sekai, 2002, 2003, 2004, jalo le jalo. Fa ntlha e tswalwa, nomorotshupetso ya yona e tshwanetse go tsenngwa ka fa tlase ga ngwaga e e tla senngwang ka yona. Ka jalo, ntlha e e tswetsweng ka ngwaga wa 2002, e taelo ya yona ya go senngwa e leng D3, e tla tsenngwa ka fa tlase ga ngwaga wa 2005, mme ka go dira jalo go lemosega sentle gore ke dintlha dife tse di tshwanetseng go senngwa mo ngwageng o o rileng. Go atlenegisiwa tiriso ya setlami se se sa kopanang gonne go sa kgonege gore go ka itsewe pele ga nako, palo ya ditsebe tse di tla tlhokegang ka ngwaga.
Go tshwanetse ga tlosiwa dilo gangwe le gape - bonnye gangwe ka ngwaga - mme fa go dirwa jalo setifikeiti se se rebotsweng sa tshenyo se isiwe go Moakhaefe wa Porofense.
Dilo tsotlhe di tshwanetse go supiwa mo sephuthelong se se ka fa ntle ka nomoro le leina jaaka di tlhagelela mo seduleng ya taolo ya direkoto gammogo le ka taelo e e maleba ya tshenyo. Nomoro le taelo ya tshenyo di tshwanetse go kwalwa mo bolokong ya khutlonne.
A2O. - Fetisetsa go botsenyo jwa diakhaefe mo dingwageng di le 20morago ga bokhutlo jwa ngwaga e direkoto di dirilweng ka ona.
AP - Di ka nna mo matsogong a setheo sebaka se se sa lekanyediwang. Fa go tlosiwa, sekai. Fa kantoro e tswalelwa gongwe go tlosiwa dithoto, di tshwanetse go fetisediwa kwa botsenyong jwa diakhaefe.
DAU - Senya ka gangwe fela fa go sena go fediwa go runiwa.
Puisano ya thutano ya 1996 ka ga Bokao jwa molaotheo le ditshwanelo tsa botho mo Tirelong ya Sepodisi ya Aforika Borwa.
Thulaganyo ya go faela makwalo a tsamaiso ya direkoto.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso 5.txt</fn>
Maitlamo a AforIka Borwa a gore go nne le phitlhelelo ya tshedimosetso a tlotla boitlamo jwa rona jwa molaotheo jwa go tsenya tirisong tshwanelo ya botlhokwa ya phitlhelelo ya tshedimosetso e e mo diatleng tsa Puso gongwe tshedimosetso e e mo ditheong tsa poraefete.
Molao ono ke kgato e kgolo ya tlhabololo fa go lebelelwa boswa jwa sephiri jo re bo fitlhetseng go tswa mo dingwageng tse dintsi tsa puso e e neng e sa re sepe ya bonnye. Ka Molao ono re tshuba lebone go fedisa bosephiri le tidimalo e e neng e le karolo ya puso le tsamaiso ya tlhaolele.
Maitlhomomagolo a Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa bo2 wa 2000, ke go tlamela ka tshwanelo ya phitlhelelo ya tshedimosetso e e mo diatleng tsa Puso le ditheo tsa poraefete.
Tshwanelo eno e tla godisa gore go bewe dilo mo pepeneneng, go rwalwe maikaraelo gammogo le tsamaiso e e bokgoni ya ditheo tsa setšhaba le tsa poraefete. Go ya ka tshwanelo eno, e tla thusa gape batho ba rona go nna le seabe se se tletseng gammogo le go tsaya ditshwetso ka kitso jaaka re bopa sešwa setšhaba sa rona ka tshedimosetso.
O agelela gape mo motheong wa rona wa go godisa setšhaba se mo go sona batho ba Aforika Borwa ba nang le phitlhelelo e e bokgoni ya tshedimosetso e e tla ba kgontshang go diragatsa ka botlalo gammogo le go sireletsa ditshwanelo tsotlhe tsa bona.
Batho ba naga eno ba romile puso ya rona gore e diragatse diphetogo tse di tla tokafatsang boleng jwa matshelo a MaAforika Borwa otlhe. Molao ono o tla tiisa motheo ono o o tiileng o re agelelang mo godimo ga ona, mo maitekong a rona a puso e e lolameng e e maikarabelo.
Tiro e kgolo ya Molao wa Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa 2000, o o goeleditsweng ka kgwedi ya Mopitlwe 2001, ke gore go nne le seemo se mo go sona batho baagi ba Aforika Borwa ba nang le bokgoni jwa go fitlhelela tshwanelo ya go bona tshedimosetso. Molao ono o montšhwa ga o kgontshe MaAforika Borwa go diragatsa ditshwanelo tsa bona ka botlalo fela, ntlha ya botlhokwa go gaisa ke ya gore o sireletsa ditshwanelo tsotlhe tsa bona jaaka di tlhagelela mo Molaotheong. Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso ke sediriswa sa botlhokwa mo go kopanyeng ditlamelo tse di mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo jaaka o fitlhelwa mo Molaotheong.
Temokerasi ya rona ya Aforika Borwa e ikaegile ka dipilara tsa kgololesego, tekatekano gammogo le go tlotla seriti sa botho. Molao ono o montshwa ke karolo ya botlhokwa mo thulaganyong ya go lere diphetogo ka ntlha ya fa o konotelela motheo o o adilweng ka Molaotlhomo wa Ditshwanelo.
Se se neng se tlwaelegile ka puso ya tlhaolele e ne e le gore ditiro tsa puso gammogo le tsamaiso ya yona di ne di aparetswe ke sephiri le tidimalo, go bipiwa ditiro tsa bobodu le tse di seng ka fa molaong. Ka ditlhopo tsa temokerasi tsa ngwaga wa 1994, re tlhagotse tsela e ntšhwa e e rotloetsang mokgwa wa go baya dilo mo pepeneneng gammogo le go rwala maikarabelo.
Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso o naya baagi ba Aforika Borwa tshono ya go nna le bokgoni jwa go fitlhelela tshedimosetso go tswa mo pusong le mo ditheong tsa poraefete.
Molao ono o montšhwa o tlaleletsa botlhokwa jwa gore ditheo tsotlhe di dire gore ka gale di dire ditiro tse di mo molaong le go rwala maikarabelo a ditiro tsotlhe tsa tsona. Molao ono o montšhwa o goeleditswe e le kgato e nngwe ya go netefatsa botshelo jo bo botoka ka go tlamela baagi fela ka tshono ya go filthelela tshedimosetso e e leng gore kwa bofelong e ka dira gore ditheo tsa poraefete le tsa setšhaba di rwale maikarabelo a ditiro tsa tsona.
Lefapha la Metshameko, Botsweretshi le Setso le na le na le seabe le ditiro tse di dirwang ka mokgwa o o netefatsang puso e e lolameng. Go botlhokwa tota gore Lefapha leno le tseye seabe sa ketapele go fitlhelela maitlhomo a a tshwanang a Porofense.
Go bonagetse gore, go netefatsa gore go diragadiwa ditiro le seabe sa lefapha sentle; go tshwanetse ga nna le popegotheo e e bokgoni. Popegotheo e e feletseng e e bontshang diyuniti di le mmalwa tse di kopaneng, ditiro tsa tsona gammogo le diphatlatiro tsa teng, e manegilwe fano jaaka Mametlelelo A.
Go latela ditaelo tsa Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso, go thapilwe/ go supilwe Motlhankedi wa Tshedimosetso go netefatsa gore go nna le tsamaiso ya thulaganyo ya phitlhelelo ya tshedimosetso/ direkoto. Go feta moo, go thapilwe/ go supilwe Batlatsamotlhankedi wa Tshedimosetso go thusa Motlhankedi wa Tshedimosetso ka tiro ya gagwe.
Go ya ka molao ono o montšhwa: Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa 2000, motho mongwe le mongwe o na le tetla ya go kopa phitlhelelo ya tshedimosetso nngwe le nngwe e e tshotsweng ke mmuso gongwe setheo sengwe le sengwe sa setšhaba. Gore motho a kgone go fitlhelela tshedimosetso, motho o tshwanetse go tlatsa foromo ya kopo ya phitlhelelo ya tshedimosetso. Foromo e tlapisitswe fano jaaka Mametlelelo E. Foromo eno e tshwanetse go romelwa go Motlatsamotlhankedi wa Tshedimosetso kwa dintlheng tse di fa godimo tsa kgolagano.
Motlatsamontlhankedi wa Tshedimosetso o tla swetsa gore a motho yo o dirang kopo ya tshedimosetso ke mokopi wa sebele (a kopa tshedimosetso ya gagwe ka sebele). Fa e le mokopi wa sebele ga a kitla a tlhoka go duela tuelo ya kopo. Fela fa e le mokopi (tshedimosetso e nngwe) foo gona o tshwanetse go duela tuelo ya kopo ya bokana ka R35.00 pele ga go ka simololwa ka go batla rekoto. Ka jalo, ga go kitla go tswelelwa ka kopo fa go ise go duelwe tuelo eo ya ntlha.
Fa tuelo e setse e dirilwe, Mothusamotlhankedi wa Tshedimosetso o tla laela badiri ba ba maleba go goga direkoto/ rekoto e e amegang.
Fa rekoto e setse e gogilwe, Mothusamotlhankedi wa Tshedimosetso o tla e sekaseka mme a swetse gore a e na le pabalesego e e fitlhelwang ka fa tlase ga Molao.
Fa phitlhelelo e ka rebolwa, mokopi/ mokopi wa sebele otla itsesewe ka ditshenyegelo tse di tshwanetseng go duelelwa go tlhagisiwa gape ga rekoto.
Fa go sena go amogelwa tuelo tse di maleba, go tla dirwa dikhopi tsa rekoto gongwe karolo ya yona e go rebotsweng tetla ya gore e fitlhelelwe mme e romelwe go motho yo o kopileng tshedimosetso.
Fa e le gore phitlhelelo ga e a rebolwa, motho yo o kopileng phitlhelelo ya yona, o tla itsesewe ka seo gammogo le mabaka a kganelo eo, gammogo le dithulaganyo tse di maleba tsa boikuelo tse a ka di latelang.
Direkoto tse di fitlhelwang mo Lefapheng la Metshameko, Botsweretshi le Setso di ka aroganngwa go ya ka direkoto tsa makwalo le direkoto tse dingwe tse e seng makwalo (direkoto tse dingwe).
Makwalo a laolwa le go tsamaisiwa go ya ka dithulaganyo di le pedi tsa go faela tse di reboletsweng go dirisiwa mo kantorong ke lephata la Diakhaefe la Porofense. Makwalo otlhe a a malebana le merero ya badiri a tsamaisiwa ke Thulaganyo E E Tshwanang ya go Faela ya Ditiro tsa Badiri; makwalo otlhe a a malebana le ditiro tsa tshegetso a laolwa ke Thulaganyo E E Tshwanang ya go Faela ya Ditiro tsa Badiri. Makwalo otlhe a a malebana le ditiro tsa ka gale tsa lefapha di tshwana le diyuniti tsa Lefapha (ntle le tsamaiso le ditšhelete) a tsamaisiwa ka Thulaganyo ya go faela ya Ditiro tsa Ka Gale. Dithulaganyo tseno tse di tshwanang tsa go faela di tshwanetse go dirisiwa mo mafapheng otlhe a Tsamaiso ya Porofense ya Kapa Bokone. Difaele tsa batho tse di butsweng go ya ka dithulaganyo tse tharo tseno di kailwe mo Rejisetareng e e mametleletsweng fano ya Difaele tse di Butsweng.
Direkoto tse dingwe di laolwa le go tsamaisiwa go ya ka sejule ya Taolo ya Direkoto e ga jaana e iseng e rebolwe ke lephata la Diakhaefe tsa Porofense.
Go tloga ka ngwaga wa 1994 go ya go 1997, Lefapha le ne le sa aroganye le go tsamaisa direkoto tsa lona go ya ka dithebolo tsa diakhafe. Ga jaana go tshwaraganwe le go faela direkoto go tswa kwa morago go ya ka dithulaganyo tse di rebotsweng tsa karoganyo (dithulaganyo tsa go faela le Sejule ya Taolo ya Direkoto). Seno ke thulaganyo e e ka sekeng ya wediwa ka ponyo ya leitlho mme ka jalo, manyuale ono o bontsha fela direkoto tse di arogantsweng go tloga ka kgwedi ya Ngwanaatsele ka ngwaga wa 1997. Fa direkoto tse di aroganngwang di ntse di faelwa go tswa kwa morago, manyuale ono o tla nna o bewa mo dinakong mme dikhopi tse di baakantsweng di tla nna di isiwa kwa Komišeneng ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa gangwe le gape.
Lephata la Mokhuduthamaga wa Metshameko, Botsweretshi le Setso le na le thulaganyo ya lona e e rebotsweng ya go faela mme ga e a tshwanela go dirisiwa ke maphata a mangwe a Lefapha.
a. DIPOTSISO TEBANG LE PHOLESI MME DI SA LEBISE KWA GORENG GO TLHAMIWE PHOLESI E NTŠHWA KGOTSA THANOLO E E BAAKANTSWENG YA PHOLESI E E GONA.
b. GO SAMAGANA LE DIKGETSE TSA BATHO KA BONGWE KA BONGWE MME DI SA LEBISE KWA GO RENG GO TLHAMIWE PHOLESI E NTSHWA GONGWE GO BAAKANGWA GA PHOLESI YA GA JAANA.
c. DIKGETSE TSE DI MALEBANA LE NTLHAKGOLO GONGWE DINTLHANA KA KAKARETSO, FELA E SE MERERO YA PHOLESI, GAMMOGO LE DINTLHA TSE DI TLHAOTSWENG TSA MORERO O O RILENG O GO SENANG FAELE YA ONA. MO MABAKENG A A JALO, MOTSAMAISI WA DIREKOTO O TSHWANETSE GO BUISANA LE MOAKHAEFE WA POROFENSE GORE GO TLE GO BULWE DIFAELE TSE DI MALEBA.
Taolo ya sejule e mo magetleng a Motsamaisi wa Direkoto. Ga go a tshwanela go dirwa dipaakanyo le/ kgotsa ditlaleletso dipe mo sejuleng ntle le tumelelo ya motlhankedi yono.
Dipaakanyo tsotlhe le ditlaleletso di tshwanetse go tlisiwa gangwe le gape go Moakhaefe wa Porofense gore a di kwale, a di rebole mme a ntshe tetla ya gore di tlosiwe.
Khopikgolo ya sejule ya taolo ya direkoto e faelwa mo sephuthelong se sele mme e supiwa jalo mo sephuthelong se se ka fa ntle. Khopi e tsholwa ke motlhankedi yo o kailweng fa godimo yo o tshwanetseng go netefatsa gore e tsholwa e le mo dinakong le gore ditaelo tsa tema 2 di a tswelediwa.
Fa go setse go rebotswe tetla ya go tlosiwa ga dilo tse di mo sejuleng ya taolo ya direkoto, go tshwanetse ga tsenngwa tirisong rejisetara tsa tshenyo. Rejisetara eno e arogantswe ka dingwaga, go fa sekai, 2002, 2003, 2004, jalo le jalo. Fa ntlha e tswalwa, nomorotshupetso ya yona e tshwanetse go tsenngwa ka fa tlase ga ngwaga e e tla senngwang ka yona. Ka jalo, ntlha e e tswetsweng ka ngwaga wa 2002, e taelo ya yona ya go senngwa e leng D3, e tla tsenngwa ka fa tlase ga ngwaga wa 2005, mme ka go dira jalo go lemosega sentle gore ke dintlha dife tse di tshwanetseng go senngwa mo ngwageng o o rileng. Go atlenegisiwa tiriso ya setlami se se sa kopanang gonne go sa kgonege gore go ka itsewe pele ga nako, palo ya ditsebe tse di tla tlhokegang ka ngwaga.
Go tshwanetse ga tlosiwa dilo gangwe le gape - bonnye gangwe ka ngwaga - mme fa go dirwa jalo setifikeiti se se rebotsweng sa tshenyo se isiwe go Moakhaefe wa Porofense.
Dilo tsotlhe di tshwanetse go supiwa mo sephuthelong se se ka fa ntle ka nomoro le leina jaaka di tlhagelela mo seduleng ya taolo ya direkoto gammogo le ka taelo e e maleba ya tshenyo. Nomoro le taelo ya tshenyo di tshwanetse go kwalwa mo bolokong ya khutlonne.
A2O. - Fetisetsa go botsenyo jwa diakhaefe mo dingwageng di le 20morago ga bokhutlo jwa ngwaga e direkoto di dirilweng ka ona.
AP - Di ka nna mo matsogong a setheo sebaka se se sa lekanyediwang. Fa go tlosiwa, sekai. Fa kantoro e tswalelwa gongwe go tlosiwa dithoto, di tshwanetse go fetisediwa kwa botsenyong jwa diakhaefe.
DAU - Senya ka gangwe fela fa go sena go fediwa go runiwa.
Thulaganyo ya go Bokwadisetso faela.
a. Mananetema le metsotso b. Dipegelo c. Dintlha tsa ditšhelete d. Direjisetara e. Diphasalatso tse di phasaladitsweng ke kantoro f.
Taolo ya sejule e mo magetleng a Motsamaisi wa Direkoto. Ga go a tshwanela go dirwa dipaakanyo le/ kgotsa ditlaleletso dipe mo sejuleng ntle le tumelelo ya motlhankedi yono.
Dipaakanyo tsotlhe le ditlaleletso di tshwanetse go tlisiwa gangwe le gape go Moakhaefe wa Porofense gore a di kwale, a di rebole mme a ntshe tetla ya gore di tlosiwe.
Khopikgolo ya sejule ya taolo ya direkoto e faelwa mo sephuthelong se sele mme e supiwa jalo mo sephuthelong se se ka fa ntle. Khopi e tsholwa ke motlhankedi yo o kailweng fa godimo yo o tshwanetseng go netefatsa gore e tsholwa e le mo dinakong le gore ditaelo tsa tema 2 di a tswelediwa.
Fa go setse go rebotswe tetla ya go tlosiwa ga dilo tse di mo sejuleng ya taolo ya direkoto, go tshwanetse ga tsenngwa tirisong rejisetara tsa tshenyo. Rejisetara eno e arogantswe ka dingwaga, go fa sekai, 2002, 2003, 2004, jalo le jalo. Fa ntlha e tswalwa, nomorotshupetso ya yona e tshwanetse go tsenngwa ka fa tlase ga ngwaga e e tla senngwang ka yona. Ka jalo, ntlha e e tswetsweng ka ngwaga wa 2002, e taelo ya yona ya go senngwa e leng D3, e tla tsenngwa ka fa tlase ga ngwaga wa 2005, mme ka go dira jalo go lemosega sentle gore ke dintlha dife tse di tshwanetseng go senngwa mo ngwageng o o rileng. Go atlenegisiwa tiriso ya setlami se se sa kopanang gonne go sa kgonege gore go ka itsewe pele ga nako, palo ya ditsebe tse di tla tlhokegang ka ngwaga.
Go tshwanetse ga tlosiwa dilo gangwe le gape - bonnye gangwe ka ngwaga - mme fa go dirwa jalo setifikeiti se se rebotsweng sa tshenyo se isiwe go Moakhaefe wa Porofense.
Dilo tsotlhe di tshwanetse go supiwa mo sephuthelong se se ka fa ntle ka nomoro le leina jaaka di tlhagelela mo seduleng ya taolo ya direkoto gammogo le ka taelo e e maleba ya tshenyo. Nomoro le taelo ya tshenyo di tshwanetse go kwalwa mo bolokong ya khutlonne.
A2O. - Fetisetsa go botsenyo jwa diakhaefe mo dingwageng di le 20morago ga bokhutlo jwa ngwaga e direkoto di dirilweng ka ona.
AP - Di ka nna mo matsogong a setheo sebaka se se sa lekanyediwang. Fa go tlosiwa, sekai. Fa kantoro e tswalelwa gongwe go tlosiwa dithoto, di tshwanetse go fetisediwa kwa botsenyong jwa diakhaefe.
DAU - Senya ka gangwe fela fa go sena go fediwa go runiwa.
ELEKETORONIKI Direkoto tseno ga se karolo ya thulaganyo e e rebotsweng ya tsamaiso ya direkoto tsa eleketoroniki mme ka jalo ga di ise di kwadisiwe semmuso mo lenaaneng. Di fitlhelwa le go tsamaiswa mo dikhomphiutareng tsa batlhankedi ba ba thapilweng mo Ditirelong tsa Laeborari tsa Porofense. Bontsi jwa direkoto tseno di fitlhelwa mo hatekhoping mme di bontshiwa mo difaeleng tsa makwalo a yuniti. Go tsweletswe ka maano a go tlhama taolo e e bogareng e e rulaganeng ya direkoto tsa eleketoroniki.
Taolo ya sejule e mo magetleng a Motsamaisi wa Direkoto. Ga go a tshwanela go dirwa dipaakanyo le/ kgotsa ditlaleletso dipe mo sejuleng ntle le tumelelo ya motlhankedi yono.
Dipaakanyo tsotlhe le ditlaleletso di tshwanetse go tlisiwa gangwe le gape go Moakhaefe wa Porofense gore a di kwale, a di rebole mme a ntshe tetla ya gore di tlosiwe.
Khopikgolo ya sejule ya taolo ya direkoto e faelwa mo sephuthelong se sele mme e supiwa jalo mo sephuthelong se se ka fa ntle. Khopi e tsholwa ke motlhankedi yo o kailweng fa godimo yo o tshwanetseng go netefatsa gore e tsholwa e le mo dinakong le gore ditaelo tsa tema 2 di a tswelediwa.
Fa go setse go rebotswe tetla ya go tlosiwa ga dilo tse di mo sejuleng ya taolo ya direkoto, go tshwanetse ga tsenngwa tirisong rejisetara tsa tshenyo. Rejisetara eno e arogantswe ka dingwaga, go fa sekai, 2002, 2003, 2004, jalo le jalo. Fa ntlha e tswalwa, nomorotshupetso ya yona e tshwanetse go tsenngwa ka fa tlase ga ngwaga e e tla senngwang ka yona. Ka jalo, ntlha e e tswetsweng ka ngwaga wa 2002, e taelo ya yona ya go senngwa e leng D3, e tla tsenngwa ka fa tlase ga ngwaga wa 2005, mme ka go dira jalo go lemosega sentle gore ke dintlha dife tse di tshwanetseng go senngwa mo ngwageng o o rileng. Go atlenegisiwa tiriso ya setlami se se sa kopanang gonne go sa kgonege gore go ka itsewe pele ga nako, palo ya ditsebe tse di tla tlhokegang ka ngwaga.
Go tshwanetse ga tlosiwa dilo gangwe le gape - bonnye gangwe ka ngwaga - mme fa go dirwa jalo setifikeiti se se rebotsweng sa tshenyo se isiwe go Moakhaefe wa Porofense.
Dilo tsotlhe di tshwanetse go supiwa mo sephuthelong se se ka fa ntle ka nomoro le leina jaaka di tlhagelela mo seduleng ya taolo ya direkoto gammogo le ka taelo e e maleba ya tshenyo. Nomoro le taelo ya tshenyo di tshwanetse go kwalwa mo bolokong ya khutlonne.
A2O. - Fetisetsa go botsenyo jwa diakhaefe mo dingwageng di le 20morago ga bokhutlo jwa ngwaga e direkoto di dirilweng ka ona.
AP - Di ka nna mo matsogong a setheo sebaka se se sa lekanyediwang. Fa go tlosiwa, sekai. Fa kantoro e tswalelwa gongwe go tlosiwa dithoto, di tshwanetse go fetisediwa kwa botsenyong jwa diakhaefe.
DAU - Senya ka gangwe fela fa go sena go fediwa go runiwa.
DIREJISETARA 1. Rejisetara ya koko- Bobolokelo jwa ditlama go sa akarediwe anyo ya ditlama direjisetara tsa 2.
DITSWENG KE 3. Diathikele, dibuka, j.j.
Taolo ya sejule e mo magetleng a Motsamaisi wa Direkoto. Ga go a tshwanela go dirwa dipaakanyo le/ kgotsa ditlaleletso dipe mo sejuleng ntle le tumelelo ya motlhankedi yono.
Dipaakanyo tsotlhe le ditlaleletso di tshwanetse go tlisiwa gangwe le gape go Moakhaefe wa Porofense gore a di kwale, a di rebole mme a ntshe tetla ya gore di tlosiwe.
Khopikgolo ya sejule ya taolo ya direkoto e faelwa mo sephuthelong se sele mme e supiwa jalo mo sephuthelong se se ka fa ntle. Khopi e tsholwa ke motlhankedi yo o kailweng fa godimo yo o tshwanetseng go netefatsa gore e tsholwa e le mo dinakong le gore ditaelo tsa tema 2 di a tswelediwa.
Fa go setse go rebotswe tetla ya go tlosiwa ga dilo tse di mo sejuleng ya taolo ya direkoto, go tshwanetse ga tsenngwa tirisong rejisetara tsa tshenyo. Rejisetara eno e arogantswe ka dingwaga, go fa sekai, 2002, 2003, 2004, jalo le jalo. Fa ntlha e tswalwa, nomorotshupetso ya yona e tshwanetse go tsenngwa ka fa tlase ga ngwaga e e tla senngwang ka yona. Ka jalo, ntlha e e tswetsweng ka ngwaga wa 2002, e taelo ya yona ya go senngwa e leng D3, e tla tsenngwa ka fa tlase ga ngwaga wa 2005, mme ka go dira jalo go lemosega sentle gore ke dintlha dife tse di tshwanetseng go senngwa mo ngwageng o o rileng. Go atlenegisiwa tiriso ya setlami se se sa kopanang gonne go sa kgonege gore go ka itsewe pele ga nako, palo ya ditsebe tse di tla tlhokegang ka ngwaga.
Go tshwanetse ga tlosiwa dilo gangwe le gape - bonnye gangwe ka ngwaga - mme fa go dirwa jalo setifikeiti se se rebotsweng sa tshenyo se isiwe go Moakhaefe wa Porofense.
Dilo tsotlhe di tshwanetse go supiwa mo sephuthelong se se ka fa ntle ka nomoro le leina jaaka di tlhagelela mo seduleng ya taolo ya direkoto gammogo le ka taelo e e maleba ya tshenyo. Nomoro le taelo ya tshenyo di tshwanetse go kwalwa mo bolokong ya khutlonne.
A2O. - Fetisetsa go botsenyo jwa diakhaefe mo dingwageng di le 20morago ga bokhutlo jwa ngwaga e direkoto di dirilweng ka ona.
AP - Di ka nna mo matsogong a setheo sebaka se se sa lekanyediwang. Fa go tlosiwa, sekai. Fa kantoro e tswalelwa gongwe go tlosiwa dithoto, di tshwanetse go fetisediwa kwa botsenyong jwa diakhaefe.
DAU - Senya ka gangwe fela fa go sena go fediwa go runiwa.
Mafelo a a mabapi.
ELEKETORONIKI Rebotsweng ya tsamaiso ya direkoto tsa eleketoroniki mme ga e ise e tsenngwe mo lenaaneng semmuso. Di gona mme di tsamaisiwa mo dikhomphiutareng tse di farologaneng tsa badiri ba ba thapilweng mo Lefapheng. Bontsi jwa direkoto tseno bo teng ka dihatekhopi mme di bontshiwa mo difaeleng tsa makwalo tsa lefapha. Go na le maano a go tlhama taolo e e rulaganeng ya bogareng ya dikopo tsotlhe tsa direkoto tsa eleketoroniki.
Tsweletso ya Mmino wa Dikhwaere: Dikopo tsa ngwaga le ngwaga tsa thuso/ Tlamelo ka matlole: Khwaere ya Phuthego ya St.
Tsweletso ya Botsweretshipono: Dikopo tsa ngwaga le ngwaga tsa thuso/ Tlamelo ika matlole: L.
Meletlo le Diketeko tsa Botsweretshi le Setso: Letsatsi la Ngwaoboswa la ngwaga le ngwaga: Tlamelo ka matlole/ Diketleetso.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso 6.txt</fn>
Maikemisetso a Aforika Borwa a tshwanelo ya phitlhelelo ya tshedimosetso a tlotlomatsa maikarabelo a rona go ya ka molaotheo go diragatsa kwa tshwanelo ya fitlhelelo go tshedimosetso e e tshwerweng ke Puso kgotsa tshedimosetso e e tshwerweng ke lephata la poraefete.
Molao ke tsweletso ya tiragalo ya botlhokwa fa go lebelelwa setlwaedi sa maloba sa bosephiri se re se boneng go tswa dingwageng tse dintsi tsa puso ya bonnye e seng ka fa tshwanelong. Ka Molao o re tshuba lebone go tlisa kwa bokhutlong bosephiri le ditimalo tse di bontshang dingwaga tse dintsi tsa tsamaiso le puso ya kgethololo.
Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso, Nomoro 2 wa 2000, o tlamelela tshwanelo ya molaotheo ya phitlhelelo go tshedimosetso e e tshwerweng ke naga le mekgatlho ya poraefete jaaka nngwe ya maikemisetso magolo a yona.
Tshwanelo e e tla thusa go godisa teranseparense, maikarabelo le taolo e e nonofileng ya setšhaba le mekgatlho ya poraefete.
Go ya ka tshwanelo e, e tla kgontsha gape batho ba rona go tsaya karolo ka botlalo le go dira ditshwetso tse di utlwalang mo go ageng gape setšhaba sa rona ka tshedimosetso.
E ntse e aga go ya pele mo motheong wa rona go godisa ka mafolofolo setšhaba se mo go sona batho ba Aforika Borwa ba nang le phitlhelelo go tshedimosetso go ba kgontsha go dira ka botlalo go feta le go sireletsa gotlhe ga ditshwanelo tsa bona.
Taolelo e e neilweng mmuso wa rona ke batho ba naga e e ne e le go dira diphetogo, tse di tla tokafatsang boleng ba matshelo a MaAforika Borwa otlhe. Molao sa botlhokwa, o tla oketsa kwa motheong o o tileng o re agelang mo go ona, mo patlong ya rona ya taolo e e siameng le maikarabelo.
Tirokgolo ya Molao wa 2000 wa Phitlhelelo go Tshedimosetso, o o neng wa itsesiwe ka Mopitlwe 2001 ke go dira setšhaba se mo go sona batho ba Aforika Borwa ba ba nang le tshwanelo ya go tshedimosetso. Karolwana e ntšha e ya peomolao e kgontsha MaAforika Borwa otlhe e seng fela go diragatsa ditshwanelo tsa bona ka botlalo, mme sa botlhokwa segolo go sireletsa gotlhe ga ditshwanelo tsa bona jaaka di beilwe mo Molaotheong. Molao wa Tsweletsoso ya Phitlhelelo go Tshedimosetso ke sedirisiwa sa botlhokwa mo go maatlafatseng ditshiamelo ka fa gare ga Molaotlhomo wa Ditshwanelo jaaka o tlhagisitswe mo Molaotheong.
Temokerasi ya rona ya Aferika Borwa e ikaegile mo dipilareng tsa tokologo, tekano le tlotlo ya seriti sa motho. Molao o moša o ke karolo ya botlhokwa mo teng ga tirego ya phetogo, ka o ritela metheo e e beilweng ka fa teng ga Molaotlhomo wa Ditshwanelo.
Tlwaelo ka fa tlase ga puso ya kgethololo e ne e le gore ditiro tsa mmuso le tsamaiso ya yona di ne di apesitswe ke bosephiri le tidimalo, go khupediwa bobodu le ditiro tse di sa tshwanelang. Ka ditlhopho tsa temokerasi tsa 1994, re tsene mo tseleng e ntšha e e godisang setso sa teraseparense le maikarabelo.
Molao waTsweletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso o tlhagisetsa setšhaba sa Aforika Borwa tsela go nna le motswedi wa thuso kwa phitlhelelong ya tshedimosetso go tswa nageng le ditheong tsa poraefete.
Molao o, o moša o tlaleletsa tlhokego ya ditheo tsotlhe go dira ka gale ka tshwanelo le go nna maikarabelo mo ditirong tsotlhe tsa tsona. Molao o moša o o itsesitswe jaaka kgato e nngwe go tlhola botshelo bo bo botoka ka go tlamela baagi ka mekgwa e e bonolo ya go tshedimosetso e e tla dirang gore ditheo tsa poraefete le tsa setšhaba di rwale maikarabelo a ditiro tsa tsona.
Go ya ka Molao wa Phitlhelelo ya Tshedimosetso, Motlhankedi wa Tshedimosetso o tlhomilwe/emiseditswe go tlhomamisa tsamaiso ya tirego ya phitlhelelo go tshedimosetso/direkoto. Go tlaleletsa, Batlatsa Batlhankedi ba Tshedimosetso ba tlhomilwe/emiseditswe go thusa Motlhankedi wa Tshedimosetso ka tiro e.
LEINA : Rre V.W.D.
LEINA : Rre V.W.
Go ya ka Molao 2000, wa Phitlhelelo go Tshedimosetso, motho ofe o na le tshwanelo ya go kopa phitlhelelo ya tshedimosetso/direkoto tse di tshwerweng ke Puso kgotsa Mokgatlho wa Setšhaba. Gore o fitlhelele direkoto, motho o tshwanetse go tlatsa foromo ya kopo ya phitlhelelo ya tshedimosetso. Foromo e tshwaragantswe jaaka Mametlelelo E. Foromo e e tshwanetse go romelwa kwa go Motlhankedi wa Tshedimosetso, kwa dintlheng tsa kgolagano tse di fa godimo.
Motlhankedi wa Tshedimosetso o tla tlhomamisa gore a motho yo o kopang tshedimosetso ke mokopi wa sebele kana nnyaya, k.g.r a tshedimosetso e ama fela motho yo o kopang tshedimosetso kana nnyaya. Fa motho e le mokopi ka sebele, ga go madi a pele a a tla duelwang. Fa tshedimosetso e sa ame fela motho yo o kopang tshedimosetso, madi a pele a R 35,00 a duelwa pele ga tiro e tswelela. Ka jalo, kopo ga e ne e dirwa pele madi a duelwa.
Fa madi a duetswe, Motlhankedi wa Tshedimosetso o tla laela badiri ba ba maleba go ntsha di/rekoto tse di amegang.
Fa rekoto e ntshitswe, Motlhankedi wa Tshedimosetso o tla thadisa lokwalo le go bapisa diteng tsa rekoto le mabaka a kgano, jaaka go tlhalositswe ke Molao.
Fa phitlhelelo e ka rebolwa, mokopi/mokopi wa sebele o tla itsisiwe ka ditshenyegelo tse di tshwanetseng go duelelwa tlhagiso ya rekoto.
Mo tuelong ya madi a a maleba, rekoto/kana karolo ya seo sa phitlhelelo e e rebotsweng, e tla tlhagisiwa le go romelwa kwa mothong yo o kopileng tshedimosetso.
Mo lebakeng la phitlhelelo go ya rekotong e sa rebolwa, motho yo o kopileng phitlhelelo go ya rekotong, o tla itsisiwe gore phitlhelelo ga e a rebolwa mme ditsamaiso tsa boikuelo tse di maleba tse di tshwanetseng go latelwa di tla tlhalosiwa.
Kwalelano e laolwa le go tsamaisiwa go ya ka dithulaganyo tse tharo tsa go faela tse di atlanegisitsweng go dirisiwa mo kantorong ke Diakhaefe tsa Porofense. Kwalelano yotlhe malebana le merero ya badiri e tsamaisiwa ke Thulaganyo e e Tshwanang ya go Faela Ditiro tsa Badiri ; ditiro tse dingwe tsotlhe tse di amanang le kwalelano di laolwa ke Thulaganyo e e Tshwanang ya go Faela Ditiro ya Badiri. Dithulaganyo tse pedi tse di tshwanang tsa go faela di a gapelediwa mo mafapheng otlhe mo Botsamaisng ba Porofense ya Kapa Bokone (NCPA). Kwalelano yotlhe malebana le kologano ya ditiro tsa Kantoro ya Tona e laolwa ke Kologano ya Ditiro ya go Faela e e rebotsweng, e e tshwanang e le esi kwa Kantorong ya Tona mme e sa dirisiwe gope mo mafapheng a mangwe mo NCPA. Difaele tsa batho tse di bulwang go ya ka ditsela tse tharo tse di bontshiwa mo Rejisetareng ya Difaele tse di Butsweng.
Direkoto tse dingwe di laolwa le go tsamaisiwa go ya ka Thulaganyo ya Taolo ya Direkoto, e e iseng e rebolwe ke Diakhaefe tsa Porofense.
Go tloga 1994-2001, Kantoro ya Tona e ne e sa arologanyetse le go tsamaisa direkoto tsa yona go ya ka melawana ya diakhaefe mo lebakeng le. Direkoto tse ga jaana di faeliwa gape go ya ka mekgwa ya karologanyo e e rebotsweng (ditsela tsa go faela le Tlhabololo ya Taolo ya Direkoto). Seno ke tirego e e ka se fediweng ka bosigo bo le bongwe mme manuale o o bontsha direkoto fela tseo tse di arologanyeditsweng fa e sale ka Mopitlwe 2001. Jaaka fa direkoto tse di sa arologanyediwang di faeliwa gape, manuale o o tla tlalelediwa mme dikhophi tsa ditlaleletso di tla isiwa kwa Khomišeneng ya Ditshwanelo tsa Botho ka dipaka tsa tswelelo.
Ofisi ya Tona e na le mokgwa o le mongwe wa yona wa go faela o o rebotsweng o o ka se dirisiweng ke diyuniti tse dingwe mo Kantorong ya Tona.
Ditumelelo tsa mabaka a boitseanape le bothani.
Dimela tse di mo kotsing: Ditlhogesi tsa dimela tse di mo kotsing.
Khomišene ya ngwaoboswa ya lefatshe.
Letlhomeso la Tumelano-diphetogo tsa tlelaemete.
Dipoloto tsa maiteko a go fisa.
Ditlhopha tsa thulaganyo ya tiro tsa Aforika Borwa; kapa Bokone.
Boto ya bosetšhaba ya diphaka.
Dipalo tse di tshwaraganeng tsa dinonyane.
Sekema sa rekoto ya karata sa serobe.
Komiti ya tsamaiso e e kopaneng ya Transgriep.
Komiti ya kgaolo e e rulaganyang ITT.
Dinaga tse di kopaneng tsa Amerika: Komiti ya Khomišene ya Bosetšhaba ya Aforika Borwa ya Tshomarelo le Tikologo.
Setlhopha se se dirang sa Mintech: Tsamaiso ya kgotlhelego le maswe.
Setlhopha sa tiro sa tikologo ya noka ya Oranje.
Mokgwa wa go senya gotlhelele wa komiti e e kwa pele ya noka ya Oranje.
Komiti e e kgweetseng thuto ya motheo ya noka ya Olifants le Doring.
Foramo ya tshomarelo ya go kgabanya porofense - mogokaganyi wa saense.
Lefelo la pholese la diminerala le maatla.
Setlhopha se se dirang sa Yellowfish.
Lefelo la tshomarelo ya AI-ASI Richtersveld.
Lenaneo la tsamaiso ya bosetšhaba ya lengau.
Dipalo tsa dinonyane tsa naga e kgolo ya Karoo.
Diphologolo tse di se nang mokokotlo: dithuto ka kakaretso.
Tekanyetso kabo- kago ya ditsela kwa diresefeng.
Ditempe /metšhine e e dueletsweng ruri ya ditempe tsa foranke.
Dikaedi tsa dithulaganyo tsa kgwebo, matlotlo, dipotso jj.
Bucklands: Tlhomo ya balemi ba ba simololang.
Tlhomo ya !
Ditumelelo tsa mabaka a boitseanape le bothani.
Dimela tse di mo kotsing: Ditlhogesi tsa dimela tse di mo kotsing.
Khomišene ya ngwaoboswa ya lefatshe.
Letlhomeso la Tumelano-diphetogo tsa tlelaemete.
Dipoloto tsa maiteko a go fisa.
Ditlhopha tsa thulaganyo ya tiro tsa Aforika Borwa; kapa Bokone.
Boto ya bosetšhaba ya diphaka.
Dipalo tse di tshwaraganeng tsa dinonyane.
Sekema sa rekoto ya karata sa serobe.
Komiti ya tsamaiso e e kopaneng ya Transgriep.
Komiti ya kgaolo e e rulaganyang ITT.
Dinaga tse di kopaneng tsa Amerika: Komiti ya Khomišene ya Bosetšhaba ya Aforika Borwa ya Tshomarelo le Tikologo.
Setlhopha se se dirang sa Mintech: Tsamaiso ya kgotlhelego le maswe.
Setlhopha sa tiro sa tikologo ya noka ya Oranje.
Mokgwa wa go senya gotlhelele wa komiti e e kwa pele ya noka ya Oranje.
Komiti e e kgweetseng thuto ya motheo ya noka ya Olifants le Doring.
Foramo ya tshomarelo ya go kgabanya porofense - mogokaganyi wa saense.
Lefelo la pholese la diminerala le maatla.
Setlhopha se se dirang sa Yellowfish.
Lefelo la tshomarelo ya AI-ASI Richtersveld.
Lenaneo la tsamaiso ya bosetšhaba ya lengau.
Dipalo tsa dinonyane tsa naga e kgolo ya Karoo.
Diphologolo tse di se nang mokokotlo: dithuto ka kakaretso.
Tekanyetso kabo- kago ya ditsela kwa diresefeng.
Ditempe /metšhine e e dueletsweng ruri ya ditempe tsa foranke.
Dikaedi tsa dithulaganyo tsa kgwebo, matlotlo, dipotso jj.
Bucklands: Tlhomo ya balemi ba ba simololang.
Tlhomo ya !
<fn>tsn_Article_National Language Services_Monni-le-seabe.txt</fn>
Gompieno ke letsatsi le le kgethegileng mo hisetoring ya Aforika Borwa, moo o maatlafadiwang semmuso ka melao e e manang indaseteri ya dithekesi.
i O tlhalosa ditshwanelo tsa gago le ditshwanelo tsa ba bangwe.
O sireletsa kgatlhanong le ba ba ka ka batlang go dirisa molao kgatlhanong le wena e se ka fa molaong, mme iii O go kgontsha go nna le seabe le go dirisa ditshono tse di leng gona mo indasetering.
Go itumedisa tota go itse gore molao ga o tlhoke bokgoni jo bo rileng, le gale, o tlhoka kitso e e tlwaelegileng, kakanyo e e batlisisang le go ikakanyetsa, mme tseo tsotlhe re na natso.
Re go rotloetsa go reetsa ka tlhoafalo le go botsa dipotso tse dintsi fela go ya ka keletso ya gago, mme re tla thusa ka moo re ka kgonang ka teng.
Boeteledipele DiWorkshop tsa porofense Melawana & jwa dithekesi Taolo ya Indaseteri.
Go na le puo e e reng: "Ntwa ga e age motse". Maitemogelo a rona mo indasetering ya dithekesi a totobaditse seno makgetlo a le mantsi. Pele ga puso ya temokerasi, batho ba le bantsi mo indasetering ya dithekesi ba itemogetse dikgotlhang tse di boitshegang; tse di bakileng dintsho tse di botlhoko le dikgobalo tsa boradithekisi le bapagami. Dikgotlhang tseno le dintwa di ne di bakwa bogolo segolo ke go se utlwane ga batho ba ba mo indasetering mabapi le ditsela, ditlhotlhwa tsa tuelo, j.j.
Gore go fedisiwe dikgotlhang tseno mo indasetering e e sa tsamaiseweng fela ke Bantsho, mme gape e tlamela bontsi jwa Bantsho, puso gammogo le Khansele ya Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Dithekesi wa Aforika Borwa, ba saenile memorantamo wa ditumelano o maikaelelo a ona e leng go lere kagiso mo indasetering. Memorantamo wa tumelano o ne wa salwa morago ke melao e le mmalwa e e fetisitsweng ke palamente go lere tolamo mo Indasetering ya Dithekesi. Molao wa Bosetšhaba wa Kgabaganyo wa Dipalangwa tse di tsamayang mo Lefatsheng, ke mongwe wa melao eno..
Indaseteri ya Dithekesi, Boipelo jwa monna wa Montsho!
Bontsha kitso ya Molao wa Bosetšhaba wa Kgabaganyo wa Dipalangwa tse di tsamayang mo Lefatsheng.
Lemoga botlhokwa jwa gore indaseteri ya dithekesi e tsamaisiwe ka tsela ya temokerasi.
Lemoga gore tsamaiso ya thulaganyosešwa e kaya eng.
Lemoga ditlhokego tse di totobaditsweng tsa Dithekesi tse Dintšhwa.
Botshelo ke puisano. Akanya fela gore go ka lefatshe le ka bo le le bosula jang fa go ne go sena mokgwa ope fela wa puisano!
Go na le mafoko le matshwao a a dirisiwang gantsi ke setlhopha sa batho se e leng sona se tlhaloganyang bokao jwa ona. Go buisana go tshwana le go dirisa "dikhoutu" tse di tshwanetseng go tlhalosiwa gore batho ba bangwe ba di tlhaloganye.
Batho ba ba mo Indasetering ya Dithekesi le bona ba na le setaele sa bona sa go buisana. Re itse "puo" (ya matshwao) e bakgweetsi ba dithekesi le bapagami ba e dirisang gantsi go bontsha mafelo a go iwang kwa go ona. Matshwao ano a dirisiwa go romela melaetsa e e bonolo ka bonako.
Batho ba na le mokgwa wa go kgaola mafoko gore ba buisane ka bonako. Tota e bile batho bangwe, o ka bua ka MaAforika Borwa, ba rata go nna botoka mme ke ka moo ba dirisang dikhutswafatso (dikhutswafatso tsa mafoko) mo puisanong le mo go kwaleng. Ka dinako dingwe, khutswafatso e e dirisiwang ya lefoko e itsege go gaisa lefoko ka bolona. Go naya sekai, lefoko "Acquired Immune Deficiency Syndrome" le na le khutswafatso e e itseweng ke batho ba le bantsi mme e tlhaloganyega bonolo fa e buiwa gongwe e kwadilwe ka mokgwa wa khutswafatso. A o itse gore e kaya eng?
Fela jaaka mo maphateng a mangwe a tiro, ba ba nang le seabe mo indasetering ya dipalangwa ba dirisa dikhutswafatso go nolofatsa puisano. Tse dingwe di ditelele fa tse dingwe go se bonolo go di gakologelwa. Le gale, ano ke mafoko a batho ba ba leng mo indasetering ba tshwanetseng go a itse le go tlhaloganya bokao jwa ona ka ntlha ya fa a ama kgwebo ya bona ka mongwa mongwe. Mefuta e e khutswafaditsweng ya mafoko ano e fitlhelwa mo dipegelong, Dimemorantamo tsa ditumelano le mo melaong e e fetisitsweng ke palamante. Mo molaong wa Bosetshaba wa Kgabaganyo wa Dipalangwa tse di Tsamayang mo Lefatsheng, (MBKDTL) (ela tlhoko khutswafatso eno) go na le dikhutswafatso tse re tlhokang go itse bokao jwa tsona. Tsona di tlhalosiwa mo lekwalong la MBKDTL.
Go reng go tshwanetse ga nna le MBKDTL gona?
Fa re leba kwa morago mo hisetoring ya rona, re fitlhela gore ga go bolo go nna le melao e e dirilweng le go dirisiwa ke dikgosi le makgotla a tsona. Maikaelelo a yona e ne e le go lere tolamo mo metseng. Le mo malatsing a gompieno re sa ntse re na le metse e kwa go yona banna (tota ka gongwe le basadi!) ba kokoanang kwa kgotleng ya kgosi beke le beke go ya go dira melao. Gape ba dirisa foramo eo go netefatsa gore baagi ba motes ba latela 'molao' fela jaaka o ntse. Tsela eno e e siameng ya go 'tsamaisa' motes jaanong ke diragadiwa ke dipopegotheo tsa pusoselegae le puso ya bosetšhaba kwa metsesetoropong. Bagolo ba rona ga ba bolo go itse gore tikologo e e senang molao e ka baka tlhakatlhakano e e ka senyang baagi.
Naga nngwe le nngwe ya temokerasi go tshwana le Aforika Borwa, e na le melao e e fetisitsweng ke palamente, e e tshegetsang ditshwanelo tsa ntlha tsa botho le ditshiamelo tse di fitlhelwang mo molaotheong wa naga ya rona. Seno se bidiwa melao. Lefapha lengwe le lengwe la puso le na le melao e e le thusang go samagana le mathata a a farologaneng a a itemogelwang ke baagi mo mererong e e amanang le lefapha leo. Go naya sekai; Lefapha la Thuto le na le "molao wa Dikolo" o o tlhalosang ka moo merero ya dikolo e tshwanetseng go tsamaisiwa ka gona. Lefapha la Boitekanelo le na le melao e e tlhalosang ka moo badiri ba boitekanelo ba tshwanetseng go tsamaisa kalafi mo balwetseng ba bona ka gona.
Fela jalo, Lefapha la Dipalangwa le na le melao e e kaelang ba ba nang le seabe mo kgwebong ya dipalangwa malebana le le se ba tshwanetseng go se dira go lere tolamo mo indasetering. Mongwe wa yona ke Molao wa Bosetšhaba wa Kgabaganyo wa Dipalangwa tse di Tsamayang mo Lefatsheng (MBKDTL).
fetola indaseteri ya ga jaana ya dipalangwa tse di tsamayang mo lefatsheng go e dira tsamaiso e e ikgonang mme e le bokgoni ya dipalangwa tsa botlhe.
lere tekatekanyo magareng ga tlhokego le tlamelo gore tsamaiso ya dipalangwa tsa botlhe e laolwe ke ditlhokego.
fitlhelela ditlhokego tsa bapagami.
Le tla akaretsa dilo di tshwana le dipalangwa tsa dithoto le tsa diterena, ditsela tsa bosetšhaba le dipalangwa tse di tsamayang mo lefatsheng go ralala diporofense.
Le buisane le go sobokanya maikemisetso a leano le le le tlhophileng.
Dira tlhagiso malebana le leano la lona ka mokgwa o o tla dirang gore ditlhopha tse dingwe di tlhaloganye gore le ka ga eng.
Bontsi jwa batho ba ba tsetsweng dingwaga di le mmalwa pele ga ngwaga wa 1994 bo tla itse tshotlego e Bantsho ba e itemogetseng ka ntlha ya fa ba ne ba gateletswe ke puso e e neng e se ya nnete. Ba ne ba sena lefoko mo tsamaisong ya naga ka ntlha ya fa ba ne ba sa letlelelwa go tlhopha batho ba ba ba batlang go tsena mo pusong. Go ne go sena temokerasi. Ka ntlha ya temokerasi, jaanong mo Aforika Borwa go nna le ditlhopho mo magatong a selegae le a bosetšhaba. Ka ditlhopho, baagi jaanong ba kgona go baya batho ba ba ba batlang mo palamenteng!
Ka ntlha ya fa re itse gore go utlwala jang go tshela mo nageng ya temokerasi, go botlhokwa gore maphata otlhe a a amang matshelo a rona le ona a dirise temokerasi. Akanya ka sekai sa tsamaiso ya sekolo (ka makgotla a kemedi ya baithuti), pusoselegae (ka makhanselara) jalo le jalo. Mme seno se ntse se le maleba mo indasetering ya dithekesi - re tshwanetse go diragatsa temokerasi mo dipopegotheong tsa rona mo magatong a selegae, porofense le la bosetšhaba.
Akanya ka ga popegetheo ya gago ya selegae.
O emelwa jang kwa legatong la kgaolo?
Go latelwa dithulaganyo dife gore go swediwe ka gore ke mang a tshwanetseng go nna mo lekgotlakhuduthamageng?
A bothati jwa lona jwa kgaolo bo na le kemedi kwa legatong la porofense?
A bothati jwa porofense bo na le kemedi kwa legatong la bosetšhaba?
Bothata jwa bosetšhaba bo bidiwa eng Ditiro tsa jona ke eng?
Ke eng se se kaelang dikhansele tsotlhe tsa dithekesi malebana le go tsamaisa merero ya tsona?
O ka re dintlhatshwano (malebana le tsamaiso) magareng ga puso ya Aforika Borwa le indaseteri ya dithekesi ke dife?
Go thata Mzala, ga go sa tlhole go na le letseno! Re ka dirang?
Kwa go nngwe ya dikopano tsa Komiti e e Ikgethileng ya Ditirelo tsa Setšhaba ka kgwedi ya Seetebosigo 2002, Moporesidente wa SANTACO, e leng Rre Moufhe o ne a re: "Pele ga ngwaga wa 1994, indaseteri ya dithekesi e ne e le kgwebo e e humileng. Fela puso ya tlhaolele e ne ya dira maiteko a ka bomo a go reketlisa indaseteri ka go ntsha ditumelelo di le dintsi."
Polelo ya ga Rre Moufhe e ka ne e le nnete. Bua gore ke dintlha dife gape tse o akanyang gore di reketlisa indaseteri ya dithekesi. Tlhagisa dintlha di le 5 mme o tlhalose ka moo di nang le seabe ka teng mo seemong sa ga jaana mo indasetering ya dithekesi.
A o ntse o itse gore dithekesi di rwala bapagami ba feta dimilione di le 3.7 moso mongwe le mongwe Bano ke batho ba e leng gore ba na le seabe mo ikonoming - seno se kaya gore indaseteri e na le seabe mo tlhabololong ya ikonomi ya naga le fa tota e ise e tsewe jaaka indaseteri ya dipalangwa tsa botlhe?
Kwala lenaane la bonnye ditirelo di le 3 mo indasetering ya dipalangwa mme o tlhalose gore ke efe e e tlamelang badirisi ka tirelo e e gaisang.
Ke eng se se tla dirang gore indaseteri ya dithekesi e dire jaaka kgwebo e e gaisang?
A dikgwebo tsotlhe di duela lekgetho Wa reng ka go ikobela lekgetho ke indaseteri ya dithekesi (go lebeletswe mothapi le badiri)?
emisetsa dithekesi tsa ga jaana tse di onetseng ka dikoloi tse dintšhwa, tse di agilweng mo gae tsa manno a le 18 le 35.
fitlhelela seemo sa pabalesego se se tlhokegang mo dipalangweng tsa botlhe tsa bapagami (Dithekesi tse Dintšhwa di tla nna gape le diponagalo tse di ikgethileng tse di tshwanang le sediriswa se se thibelang go laisa go feta tekano).
maatlafatsa ikonomi ya beng le ba ba nang le seabe ka diketleetso le ditetlo tsa tshenyo.
go nna le tshwaelo mo boitekanelong jwa tikologo (Dithekesi tse Dintšhwa di ya go dirisa disele, e e leng tlhotlhwatlase go na le petorolo mme gape e tla fokototsa mosi o o ntshiwang ke sekgwamosi sa serori).
go dira banka ya tshedimosetso ya bosetšhaba ya dilaesense tse di dirang ka kwadiso ya Dithekesi tse Dintšhwa.
Sekema seno sa tshimologo, se se tlhamilweng ke setlhopha sa tiro se se emetseng mafapha a Dipalangwa, Kgwebo le Indaseteri, Dimenerale le Maatla gammogo le Bothati jwa Ditšhelete jwa Bosetšhba, ka tshwaragano le indaseteri ya dithekesi, se tla tsamaisiwa ka tsamaiso ya kananyo (se segologolo ka se sentšhwa) le tetlo ya tshenyo e e tla bong e ka bonwa ke beng ba semolao ba dirori tse di gona ga jaana go fokotsa tlhotlhwa ya dirori tse dintšhwa.
Go ya ka SANACO, lenaneo la thulaganyo sešwa ya dithekesi le na le dipoelo tse di boitshegang mo bathong ba le mmalwa ba ba nang le seabe.
Lenaneo la thulaganyosešw le tla lebisa kwa goring ditsela di rulaganngwe sešwa.
Ditsela tsa ga jaaa di tla tlhalosiwa gape gore go tlamelwe bapagami ka tirelo e e gaisang.
Go tla nna le mefuta e le mene ya dirori tse di tla bong di na le seabe mo tsamaisong ya dipalangwa tsa botlhe tse di tsamayang mo lefatsheng.
i batho ba le kwa tlase ga 9 sekai, dithekesi tsa dimetara ii batho ba le 18 dikhombi iii batho ba le 35 dikhombi le iv batho ba le 46 gongwe go feta sekai, dibese tsa tlwaelo jaaka re di itse gompieno.
Ditetla tsa ga jaana di tla fetolelwa go nna dilaesense tsa tiro, tse di tla tsayang sebaka sa dingwaga di le 5 e seng jaaka ditetla tsa botshelo jotlhe.
Dilaesense tsa tiro di tla bo di ikaegile ka ditsela E SENG KA sekgala go tshwana le ditetla.
Dithekesi tse dintšhwa di tla tsenngwa mo sejuleng go lebeletswe ditsela le nako bogolo segolo tse di tla bong di etleediwa.
Ditirelo dingwe tsa dipalangwa di tla etleediwa.
Mothamo wa Enjene: 18S (khombi) e tla bo e le 2,5 - 4,0 letara tsa disele le 4,6 - 6,0 diletara tsa disele tsa 35S (khombikgolwane).
Setswalo sa bapagami: Setswalo se le sengwe se se itirisang se se laolwang ke mokgweetsi ka bophara jwa 850 mm mo go 18S le 35S.
Bonno jwa bapagami: ditilo di le 4 go ralala bophara jwa Thekesi e Ntšhwa (ka tsela nngwe le nngwe).
Tsaya gore o na le setlamo sa faboriki ya dirori se se ka kgonang go fitlhelela ditlhokego tsa porojeke ya thulaganyo sešwa ya dithekesi. Lefapha la Dipalangwa le Lefapha la Kgwebo le Madirelo a ntshitse thendara ya go agiwa ga nngwe ya Dithekesi tse Dintšhwa. Setlamo sa gago se sweditse go gaisanela thendara.
e nang le seshwantsho sa nngwe ya Dithekesi tse dintšhwa, e nang le setshwantsho se se bontshang ka botlalo, bonnye, ditlhokego tse di totobaditsweng di le 7 jaaka di tlhalositswe mo tokumenteng.
e sedimosang mesola ya Dithekesi tse Dintšhwa tlhagisang diphopoletso tse di amogelesegang tsa ditshenyegelo tsa Thekesi e Ntšhwa e nang le dilo tse dingwe tse di tla rotloetsang boto ya dithendara go go abela thendara.
Mo flip chart e o e neilweng, baakanya tokumente ya gago ya thendara ya go aga Thekesi e Ntšhwa e o yang go e tlhagisetsa boto ya dithendara.
Diporofense di tlhoka gore di tle ka maano a tsona a go tsenya tirisong Molao wa Bosetšhaba wa Kgabaganyo wa Dipalangwa tse di Tsamayang mo Lefatsheng (MBKDTL). Go naya sekai, porofense e nngwe le e nngwe, ka kaelo ya Mokhuduthamaga, e tla thapa batho ba ba tla dirang mo ditheong tse di farologaneng. Mo mojuleng ono re tlile go lebelela maikarabelo a dipopegotheo tseno gammogo le mefuta ya maano a di tla tshwanelang go a tlhama.
Tlhalosa maikarabelo a Mokhuduthamaga malebana le go tsenngwa tirisong ga MBKDTL.
Bontsha kitso le maikemisetso a "Letsholo la nna ka fa Molaong" mo porofenseng ya gago.
Go ya ka Molao wa Porofense wa Dipalangwa, porofense e thapile ditheo di le mmalwa go netefatsa gore di samagana le merero ya dipalangwa ya porofense ka tshwanelo. Tsona ka Boto ya Dilaesense tsa Tiro, Bakwadisi le Batlhankedi ba ba Laoletsweng gongwe Badiragatsi ba Molao sekai, motlhatlhobi wa dilaesense, motlhatlhobi wa dirori, ditokololo tsa Sepodisi sa Aforika Borwa, j.
Go amogela, go lebelela le go swetsa ka dikopo tsa thebolo, ntšhwafatso gongwe phetiso ya dilaesense tsa tiro.
Go samagana le dikopo tsa go fetolelwa ga ditetla go nna dilaesense tsa tiro.
Go bona thebolo ya laesense ya tiro go tswa kwa Botong ya porofense e nngwe (go tewa, moo leeto le kgabaganyang diporofense).
Go amogela, go lebelela le go swetsa ka dikopo tsa kwadiso ya mekgatlho le batsamaisi ba indaseteri ya dithekesi ya di-minibese.
Go beela thoko gongwe go phimola dikwadiso.
Go tshola direkoto tsa tshedimosetso e e tlhokwang ke Bokwadisi jwa Bosetšhaba jwa dipalangwa go tshwana le batsamaisi, ditirelo gammogo le dirori tsa bona.
Go rotloetsa le go thusa mekgatlho go ikwadisa.
Go kwala le go tlhagisa pegelo ya ngwaga le ngwaga go Mokhuduthamaga gore a e tlhagise kwa kokoanopeomolaong ya porofense.
Maikarabelo a magolo a batlhankedi bano ke go netefatsa gore go ikobelwa MBKDTL.
Go gapa dirori tse di se nang dilaesense tsa tiro.
Go emisa le go tlhatlhoba dirori gammogo le ditokumente tse di maleba mo tseleng.
Go amogela dintlha le dipolelo tsa bapagami malebana le gore a ba dueletse go rorwa mo seroring.
Go kopa mokgweetsi go tlamela ka tshuo le dintlha tsa mongwa wa serori le go tlhagisa ditokumente tsa tshegetso.
Tlhalose le go tlhopha ditheo dingwe di le tharo tse di ka dirisanang nao mo pakeng ya go dira tiro ya gago.
Buise ditiro tsa ditheo tse o di tlhophileng mme o supe gore maikarabelo a gago malebana le ditheo tseno e tshwanetse go nna eng.
Karolo ya 3 ya MBKDTL e tlhalosa maikarabelo a porofense a go tsenya tirisong MBKDTL. Porofense e tshwanetse go tla ka maano a a farologaneng a dipalangwa a a elang tlhoko mabaka a a amang diporofense. Lengwe la maano ano ke Leano le Kopanetsweng la la Dipalangwa (LKD).
Fa go rulaganngwa Leano le le Kopanetsweng la Dipalangwa (LKD), go botlhokwa gore go totiwe "tlhabololo ya mafelo a metsemagae le karolo e e kgethegileng ya dipalangwa tse di tlhokegang".
Ditiro tse di kgethegileng le mafelo a a kgatlhisang (go lebeletswe bajanala thata).
Go latela fano papatso e e tlhageletseng mo go nngwe ya dikuranta tsa mafelo a beke. E amana le maikarabelo a bothati jwa porofense jwa go tsenya tirisong melao e e maleba ya dipalangwa go netefatsa gore go na le tsamaiso e e lekaneng e e tsamaisiwang sentle ya dipalangwa mo porofenseng.
Maikarabelo a go thapa motho mo phatlheng eno ke a ga mang?
Ke molao ofe wa dipalangwa o o letlang go thapiwa goo?
Boto eno e tshwanetse go nna le ditokololo di le kae?
Ditiro tsa Boto eno e tla nne dife (lebelela molao)?
Ke mang yo o se nang tshiamelo ya go supiwa mo Botong ya Dilaesense tsa Tiro?
Ditiro tsa motshodi wa laesense ya tiro ke dife?
Letsholo la Nna ka fa Molaong mo porofenseng ya gaeno.
Go tlhalositswe gore ke maikarabelo a diporofense go tlhama le go tsenya tirisong maano a a farologaneng a dipalangwa mo diporofenseng tsa tsona. Gore seno se diragale, bothati jwa porofense bo tshwanetse go itse, sekai, gore go na le dithekisi di le kae tse di dirang, di dira kwa kae, jalo le jalo.
Moono wa Letsholo la Nna ka fa Molaong e ne e le 'Wa Lala, Wa Sala'.
Maikaelelo a Letsholo la Nna ka fa Molaong e ne e le eng?
Le na le bokao bofe jwa pakatelele mo go ba ba fositseng gongwe ba ba tla fosang letlha la bofelo la go kwadisa (Akanya ka ga bokao jwa moono)?
Fa o lebelela dintlha tse di tlhagisitsweng mo Mojuleng wa 1 (MBKDTL) le mojule ono, a o kanya gore "bo-Mduvhas" ba ka dira mo isagong?
Go dira tlamelo ya merero ya pharakano ya mo tseleng e e tla dirisiwang ka go tshwana go ralala Rephaboliki ya Aforika Borwa.
Mojule ono o ka ga eng?
Mo mojuleng ono o, o tla ithuta go le gontsi malebana le Molao wa Dipalangwa tsa mo Tseleng gammogo le bokao jwa ona mo indasetering.
Molao o na le dipolelwana di le dintsi le dipolelwanapotlana tse di amang batho ba ba dirang mo indasetering ya dithekesi, le fa e se ka tlhamalalo. Dikai tsa tsona ke kwadiso ya difaboriki, baagi le baromelateng ba dirori; kwadiso ya diteišene tsa ditlhatlhobo; maatla le ditiro tsa Mokaedi-Kakaretso le ba bangwe.
Re tliele go itebaganya le dintlha tse di amang indaseteri ya dithekesi ka tlhamalalo.
Molao o na le Dikgaolo di le VX(sometlhano). Re tla lebelela dingwe tsa dikgaolo go re re tlhaloganye ka bophara diteng tsa teng.
Dikamano tsa dikgaolo tse di farologaneng mo molaong.
Kgaolo 1 e tlhagisa ditlhaloso tsa mareo a a dirisiwang go mo Molaong.
Motlhankedi wa kagiso o kaya motlhankedi wa pharakano le motlhokomedi wa pharakano yo o thapilweng go ya ka melao ya porofense epe fela.
Serori se se tshwaragantsweng se kaya kopano ya dirori e e nang le lori-terekere le seka-kolotsana.
Seno se kaya gore Molao o tla dirisiwa go ralala Rephaboliki ya Aforika Borwa.
Kgaolo yotlhe fela e lebeletse batlhatlhobi, batlhatlhobi ba dirori le batlhatlhobi ba dilaesense tsa go kgweetsa.
Kgaolo yotlhe fela e lebeletse dintlha tse di malebana le difaboriki, baagi le baromelateng ba dirori.
Gore ga gona motho ope yo o tla kgweetsang serori mo tseleng ya botlhe ntle le fela fa a tshotse laesense gongwe tokumente gongwe tetla epe fela e e rebotsweng mo go ena.
Laesense ya go kgweetsa.
Laesense ya go kgweetsa e ka rebolwa fela fa morago ga gore go amogelwe laesense ya go ithuta go kgweetsa.
Lebelela buka ya tiro mo Mojule 3 tiro 1.
Molao o tlhalosa sentle gore ke mang yo o nang le maikarabelo a go bontsha matshwao a tsela, gore matshwao a tsela a ka tlosiwa leng, gongwe seemo se a ka ikgatholosiwang mo go sona!
Ke mang yo o rwalang maikarabelo a go bontsha matshwao a tsela ka gale?
a Lekgotlataolo la selegae, gongwe motho ope fela yo o thapilweng ke lona mme a na le tetla ya go dira jalo a ka bontsha gongwe a dira gore go bontshiwe matshwao a a jalo a tsela ka mokgwa o o rebotsweng mo tseleng ya botlhe gongwe mo lefelong la tiro la lekgotlataolo leo la selegae.
b Lekgotlataolo la selegae le ka rebola tetla e e kwadilweng go motho mongwe le mongwe fela gongwe setheo, go bontsha gongwe go dira gore go bontshiwe matshwao a a jalo a tsela mo lefelong la tiro la lona ka mokgwa o o rebotsweng.
c Lekgotlataolo la selegae le le kailweng mo temeng ya b le ka swetsa ka seemo se go tla dirwang pontsho eo mme le ka laela gore letshwao leo le tlosiwe.
Go fa sekai, fa mokgatlho wa lona wa dibaesekele o na le kgaisano, gongwe letsatsi la boitumediso, o ka bona tetla ya go faposa pharakano. Seno se ka akaretsa go bontshiwa ga ga matshwao a tsela a le mmalwa.
Mokhuduthamaga yo o amegang a ka letla mokgatlho ope fela go bontsha matshwao ape fela a tsela a a boning a le maleba, mme mokgatlho oo, o ka bontsha dibetšhe gongwe letshwao lepe fela la mokgatlho gammogo le letshwao leo la tsela, ka mokgwa o o rebotsweng.
A go tla bo go le mo molaong gore balaolapharakano ba baithuti ba beye matshwao a pharakano ntle le go rerisana le bothati jwa semolao?
Mo ntlheng ya balaolapharakano ba baithuti, ba ka tswelela go baya matshwao a pharakano ka mokgwa o o rebotsweng ntle le go buisana le bothati jwa selegae ka ntlha ya fa seno se direlwa go netefatsa pabalesego ya baithuti ba ba kgabaganyang tseka ya botlhe.
Go diragala eng fa sengwe gongwe letshwao le kgoreletsana le bokgoni jwa letshwao la tsela?
Mokhuduthamaga yo o maleba gongwe lekgotlataolo la selegae bo tshwanetse gore ka kitsiso e e kwadilweng, bo kaele mong gongwe motho yo o nnang mo lefelong le letshwao la pharakano gongwe sengwe se kgoreletsang pono gongwe se kgoreletsana le bokgoni jwa letshwao lepe fela la pharakano, go tlosa letshwao leo gongwe go ngongorega mo pakeng e e tlhalositsweng mo kitsisong.
Fa mong gongwe motho yo o amegang yoo a sa ikobele kitsiso, Mokhuduthamaga gongwe lekgotlataolo la selegae, fela go ya ka seemo sa nako eo, ba ka dira gore letshwao leo gongwe selo seo se tlosiwe.
Ntle le tetla e e maleba ya go tlosa, a fetole seemo sa lona gongwe mokwalo, mmala wa mafoko gongwe matshwao a a mo go lona.
Ga go a letlelelwa go tlhoka go obamela matshwao a tsela ntle le fa o laelwa ka mokgwa o mongwe ke motlhankedi wa pharakano...
Ga gona motho ope yo o tla kgweetsang serori mo tseleng ya botlhe ka lebelo le le fetang tekanyetso ya kakaretso ya lebelo jaaka e le maleba mo karolong e e riling ya tsela.
Mokgweetsi wa serori sa setimamolelo, serori sa phaloso gongwe emelense yo o kgweetsang serori sa go nna jalo go tsweletsa tiro ya gagwe, motlhankedi wa pharakano yo o kgweetsang serori go tsweletsa tiro ya gagwe gongwe motho ope fela yo o kgweetsang serori a le mo tshireletsong ya setšhaba a ka fetetsa tekanyetso e e beilweng ya lebelo.
a o tla kgweetsa serori se se amegang a etse tlhoko pabalesego ya pharakano e nngwe; mme b mo mabakeng a serori seo sa setimamolelo, serori sa phaloso, emelense gongwe serori se se kgweediwang ke motho yo o mo tirong ya tshireletso ya setšhaba, serori seo se tla tsenngwa sediriswa se se kgonang go ntsha modumo o o rebotsweng le lebone la itshupo jaaka go rebotswe, mme sediriswa seo se tshwanetse go lediwa mme lebone leo le lona le tshubiwe fa serori se kgweediwa ka lebelo le le fetang tekanyetso ya kakaretso e e beilweng ya lebelo.
Kgaolo eno e lebelela maikarabelo a bakgweetsi kwa lefelong la kotsi, mo motho yo mongwe a tlhokafetseng gongwe a gobetse gongwe a itemogela tshenyegelo ya dithoto dipe gongwe diruiwa.
Ditiro tse di seng ka fa molaong tse di malebana le dinomoropolata tsa kwadiso, dinomoro tsa kwadiso, matshwao a kwadiso gongwe makwalo mangwe.
Ga gona motho ope yo o tla kgweetsang serori botlhaswa mo tseleng ya botlhe.
Seno se kaya motho mongwe le mongwe fela yo o kgweetsang serori ka go ikgatholosa ka bomo pabalesego ya batho gongwe dithoto.
Mofuta, seemo le tiriso ya tsela ya botlhe e go kaiwang gore tlolomolao eo e diragetse mo go yona, bogolo jwa pharakano e e neng e le gona ka nako e e maleba gongwe e e ka bong e ne e solofetswe go ka nna teng mo tseleng eo, gammogo le lebelo le mokgwa o serori se neng se kgweediwa ka ona.
Ga gona motho ope yo o tla kgweetsang serori mo tseleng ya botlhe ntle le go kgathalela motho mongwe fela yo o dirisang tsela.
ganang gore go tsewe sampole ya madi, gongwe sampole ya mowa mo go ena a kgweetsang serori; gongwe c a nna mo setilong sa mokgweetsi sa serori se enjene ya teng e tshubilweng fa seelo sa tagi mo sampoleng epe fela ya madi a a tserweng mo karolong nngwe le nngwe ya mmele wa gagwe e se kwa tlase ga digerama di le 0,05 mo dimileletareng di le 100, gongwe fa e le mokgweetsi wa porofešenale yo o kailweng mo karolong ya 32, e seng kwa tlase ga digerama di le 0,02 go dimileletara di le 100.
Malebana le go tlamela ka tshedimosetso e go ya ka kitso ya gagwe, e tla, gongwe e ka dirisediwang lebaka lepe fela go ya ka Molao ono, a tla dirang maikano gongwe a tlamele ka tshedimosetso e go ya ka kitso ya gagwe, e fosagetseng gongwe ka tsela nngwe fela, e latlhang.
Ga gona motho ope yo o tla dirisang gongwe go dira nomoropolata epe fela ya kwadiso, e e sa ikobeleng ditlhokego tse di totobaditsweng.
a senyang gongwe a dira setshwano gongwe, ka maikaelelo a go tsietsa, a emisetsa, fetola, gongwe a gagola gongwe go tsenya sepe fela mo nomorong ya kwadiso gongwe letshwao la kwadiso gongwe nomoro e e tshwanang gongwe letshwao le le rebotsweng ke bothati jo bo nang le bokgoni kwa ntle ga Rephaboliki; gongwe b tsholang mo go ena, nomoro ya go nna jalo gongwe letshwao le le sentsweng gongwe le dirilwe setshwano gongwe le emiseditswe, fetotswe, gagotswe gongwe e e nang le sengwe se se tsentsweng.
a senyang gongwe a dira setshwano gongwe, ka maikaelelo a go tsietsa, a emisetsa, fetola, gongwe a gagola gongwe go tsenya sepe fela mo setifikeiting, laesense gongwe lekwalo lengwe fela le le rebotsweng gongwe le le lemogwang go ya ka Molao ono; gongwe b tsholang mo go ena, setifikeiti sa go nna jalo, laesense gongwe lekwalo lengwe fela le le sentsweng gongwe le dirilwe setshwano gongwe le emiseditswe, fetotswe, gagotswe gongwe e e nang le sengwe se se tsentsweng.
a dirisang setifikeiti, laesense gongwe lekwalo lengwe fela le le rebotsweng gongwe le lemogwa go ya ka Molao ono fa e seng mong wa lona; gongwe b letlang gore setifikeiti sa go nna jalo, laesense gongwe lekwalo lengwe fela le ena e leng mong wa lona, le dirisiwe ke motho yo mongwe fela.
a reng ka maikaelelo a go tsietsa, senya, emisetsa, fetola, ripitla, tsenya sepe gongwe go tlosa sepe go tswa moo gongwe go tshwenyana le nomoro ya enjene gongwe tšhesi ya serori; gongwe b reng, ntle le lebaka le le mo molaong, a tshole serori se nomoro ya sona ya enjene gongwe tšhesi e sentsweng, emiseditsweng, fetotsweng, ripitlilweng gongwe e e tsentsweng sengwe fela, gongwe go tlositsweng sengwe mo go yona, gongwe e tshwentswe ka mokgwa mongwe fela.
Tshwaya lebokoso le o akanyang gore le nepagetse. O ka lebelela Kgaolo III ya Molao wa Bosetšhaba wa Tsela fa o na le khopi.
Mokgweetsi wa serori yo laesense ya gagwe e beetsweng thoko ke kgotlatshekelo gongwe bothati jo bo nang le bokgoni fa peelothoko eo e sa ntse e dira.
Moo laesense ya go kgweetsa serori e khansetsweng ke bothati jo bo senang bokgoni.
O ka swetsa ka goreng kwa bokhutlong jwa tiragatso eno?
B: Motho yo o lemogang gore o ileditswe go nna le laesense ka ntlha ya lengwe la mabaka a a kailweng fa godimo a ka dirang?
Buisa ditsebe 18-19 tsa Molao.
Buisanang ka ga seno mo setlhopheng sa lona mme le dire pegelo mo phaposing.
Tiro 2. Go tlhoka go ikobela letshwao la tsela!
Fa tiragalong eno o kgona go bona sentle gore mokgweetsi wa serori o ikgatholosa matshwao a tsela. Go na le tiragalo ya tshoganyetso mme tsela eo e khutshwane gongwe ke e e bonolo go gaisa go ya kwa lefelong le le šwang. A mokgweetsi o dira molato Ke dikgato dife tse mokgweetsi wa serori a tshwanetseng go di diragatsa go lemosa batho ba ba kgweetsang ka lebaka la tshoganyetso?
Tshwaya lebokoso le o akanyang gore le nepagetse.
A tlose serori sengwe le sengwe se se amegileng mo kotsing e motho yo mongwe a tlhokafetseng gongwe a gobetseng mo go yona, mo seemong se se emeng mo go sona, pele ga tshutiso eo e ka rebolwa ke motlhankedi yo o nang le tetla wa pharakano.
A tlose serori mo lefelong fa kotsi eo e baka kgoreletso mo tseleng ya botlhe go letla gore pharakano e kgone go elela.
Motho mongwe le mongwe fela yo o nang le karatšhe gongwe lefelo le dirori di baakanngwang kwa go lona, le yo dirori tse dingwe le tse dingwe tse di nang le matshwao a go amega mo kotsing di isiwang kwa go ena gore matshwao ao a baakanngwe, e tla re, ka bonako jo bo kgonegang, pele ga a simolola ka paakanyo, a beye direkoto tse di totobatsang mofuta wa matshwao ao, nomoro ya enjene, nomoro ya tšhesi le kwadiso gongwe letshwao le le tshwanang le nomoro, mme fa go itsewe, leina le aterese ya mong le mokgweetsi wa serori seo.
Motho yo o tlhokang go tshola rekoto, o tla tshola rekoto eo sebaka sa dingwaga di le tharo go tloga ka letlha le e dirilweng ka lona, mme rekoto nngwe le nngwe ya go nna jalo, e tla newa motlhankedi wa pharakano fa a e kopa.
Mo setshwantshong se e bontshitsweng fa godimo, go tlhokafetse batho ba le bararo. Bafalodi ba bangwe ba nnile le dikgobalo tse di masisi mme ba amogelwa kwa sepetlele.
Bafalodi ba na le ditshiamelo dife?
Baikaegi ba baswi ba na le ditshiamelo dife?
Ba tshwanetse go latela dithulaganyo dife go fitlhelela matlole ano?
Tiro 5: Ditiro tse di seng mo molaong malebana le dinomoropolata tsa kwadiso, dinomoro tsa kwadiso, matshwao a kwadiso gongwe makwalo mangwe.
Mokgweetsi o emisitswe mo maparegong a tsela mme ga dirwa ditlhotlhomiso tsa nako eo. Enjene e kgotlhakgotlhilwe fela mokgweetsi o ne a sa itse ka ga seo. A o na le molato wa bosenyi Tlhalosa?
Mo yuniting eno re tla lebelela Letlole la Dikotsi tsa Tsela le go ranola dipalopalo tse di tla re lemosang gore go diragala eng ngwaga mongwe le mongwe mo ditseleng tsa rona gammogo le bokao jwa seno mo tikologong ya ikonomi ya loago. Pabalesego mo tseleng ke kgang ya botlhokwa mo nageng ya rona malatsing ano ka ntlha ya fa ditsela tsa rona di fetogile go nna dirai tsa dintsho mme dipalo tsa dintsho di tsweletse go oketsega ngwaga mongwe le mongwe. Puso ya rona e na le maikarabelo a go supa le go fedisa dintlha tse di bonalang e le tsona di bakang mathata a etegetsang dipalopalo tse di golang tsa batswasetlhabelo mo ditseleng tsa rona. Lefapha la dipalangwa le dirile maiteko a go oketsa pabalesego mo ditseleng tsa rona moo go nnang le dipatlisiso tsa gore go supiwe ditlapele tse di tlhokang go tseelwa dikgato ka gangwe fela.
Letlole la Dikotsi tsa Tsela ke setheo sa setšhaba, se se diretsweng go duela batho ba ba gobetseng mo dikotsing tsa tsela gongwe baikaegi ba batho ba ba tlhokafaletseng mo dikotsing tsa tsela ka ntlha ya kgweetso e e botlhaswa ya dirori mo Aforika Borwa.
Tleleimi e dirwa mo foromong ya tleleimi e e rebotsweng semolao (Foromo 1), e e tlamelang ka tshedimosetso ya ntlha ka ga motho yo o dirang tleleimi, dirori le batho ba ba amegileng mo thulanong, letlha le lefelo la kotsi gammogo le ditlhotlhwa.
Puso e tlhoma lekgethwana la peterolo mme e ka baakanya molao.
Ka la 7 Moranang, lekgethwana la dituki le tla oketsega ka 10c/letara, mme lekgethwana la letlole la dikotsi tsa tsela ka 5c/letara.
Fa tlase fano go bontshiwa dipalopalo go tswa kwa letsholong la Goroga o Tshela la 2001/2002.
Diporofense tsotlhe, ntle le porofense ya Mpumalanga di nnile le phokotsego ya dikotsi tse di tsereng matshelo, mme porofense ya Kapa Bokone yona e nnile le phokotsego e kgolo go gaisa.
Mofuta o o kwa godimo wa dikotsi e nnile dikotsi tsa batsamaya ka dinao; palogotlhe ya dikotsi tse di tsereng matshelo di le 199, tse e leng bokana ka 32,3% ya dikotsi tsotlhe tsa kgwedi ya Sedimonthole 2001, mme di bakile dintsho tsa batsamaya ka dinao ba le 274. Ke sa ntse gape ke rata go tlhagisa go tshwenyega ga me tebang le palo e e kwa godimo ya batsamaya ka dinao ba ba swang mo ditseleng tsa rona letsatsi le letsatsi. Mmogo, Puso le baagi re tshwanetse go tiisa matsholo a rona a pabalesego ya batsamaya ka dinao go itebaganya le bothata jono. Ke tla leka go le amela ka ditsereganyo dingwe tse re tla bong re tsenya tirisong fa ke tla bo ke tlhagisa pegelo ya me.
Le gale, ntle le matshwenyego ano a a tlhokegang, malebana le palo ya batsamaya ka dinao ba ba tlhokafetseng, palo ya dikotsi tsa batsamaya ka dinao e fokotsegile ka 77 gongwe 27,9% fa go tshwantshanngwa le Sedimonthole wa 2000. Ka Sedimonthole wa 2000, palogotlhe ya dikotsi tsa batsamaya ka dinao di le 276 e bakile dintsho tsa batsamaya ka dinao ba le 336.
Dintsho tsa batsamaya ka dinao di fokotsegile ka 62 gongwe 18,5%. Jaaka o kgona go iponela, go na le tswelelo pele fela re tshwanetse go dira botoka go gaisa fano.
Mofuta wa bobedi o o kwa godimo go gaisa, e leng dirori tse di pitikologang di le nosi, o fokotsegile ka 1 e e ranolegang go nna fela 0,68% go tswa go 146 ka Sedimonthole wa 2000 go ya go 145 ka Sedimonthole wa 2001. Le gale palo ya dintsho go tswa mo mofuteng ono wa kotsi e oketsegile ka 23, e leng 11,0% go tswa go 209 ka Sedimonthole wa 2000 go ya go 232 ka Sedimonthole wa 2001. Ke tlhoka go gatelela gape gore kotsi ya Lelapa la ga Chego e amile thata karolo ya mofuta ono wa kotsi. Fa kotsi eo e ne e sa diragala, re ka bo re na le pegelo e e farologaneng.
Seelo sa dintsho sa dirori tse di pitikologileng di le nosi se oketsegile ka 11,8% go tswa go 1,43 ka Sedimonthole wa 2000 go ya go 1,60 ka Sedimonthole wa 2001.
mme gape le kotsi ya Lelapa la ga Chego.
Mofuta wa boraro o o kwa godimo go gaisa wa dikotsi tse di tsayang matshelo, e leng wa dikotsi tsa dirori tse di thulanang ka dinko, o oketsegile ka 3 gongwe 5,0 go tswa go 60 ka Sedimonthole wa 200 go ya go 63 ka Sedimonthole wa 2001. Le gale, go nnile le go wela tlase ga dintsho ka 26 (19,4%) go tloga go 134 ka Sedimonthole wa 2000 go ya go 108 ka Sedimonthole wa 2001.
Seelo se se kwa godimo sa dintsho: 2,2 (go kaiwa fano palo ya batho ba ba tlhokafetseng mo kotsing nngwe le nngwe) e nnile ya dikgotlhano mo matlhakoreng go lebilwe ntlheng e le nngwe. Seelo seno le sona se oketsegile ka 10,0%. Seelo sa dikotsi tsa dirori tse di thulanang ka dinko le sona se fokotsegile ka 23,2%.
Bontsi jwa dikotsi bo diragetse magareng ga 18:00 le 23:00 mo maitseboeng. Dikotsi tsa moso o mogolo, fela morago ga bosigogare (00:00 go ya go 01:00) di oketsegile ka go feta 100%. Fela jaaka mo dingwageng tse di fetileng, dikotsi tse di fetang bokana ka 60%, di diragetse ka boLabotlhano, Lamatlhatso le Sontaga. Kapa Bokone ga e a nna le dikotsi dipe ka boLabone mo kgweding yotlhe ya Sedimonthole wa 2001. Tiragalo ya dikotsi go ya ka malatsi a beke le nako ya letsatsi e latetse ona mokgwa wa dingwaga tse di fetileng. Le gale, diperesente tsa dikotsi tsa "mafelo a beke" di oketsegile go tswa go 33,63% go ya go 38,15%.
Ditshenyegelo tse di bakwang ke dikotsi di wetse tlase ka R56,72m gongwe 13,2% go tswa go ditshenyegelo tsa bokana ka R431,46m ka Sedimonthole wa 2000 go ya go ditshenyegelo tsa bokana ka R374,74m ka Sedimonthole wa 2001.
Ditshenyegelo tsotlhe tse di tswang mo Letloleng la Goroga o Tshela, le le etleeditsweng ke Letlole la Dikotsi tsa Tsela (RAF) mo pakeng ya Sedimonthole wa 2001 di tla nna gona fela go ya kwa bogareng jwa Tlhakole wa 2002.
Ke ngwaga ofe o re nnileng le palo e e kwa godimo go gaisa ya dikotsi mo go ona..?
Ke batho ba le kae ba ba tlhokafetseng le go gobala mo ngwageng oo..?
Naya palogare ya palo ya batho ba ba tlhokafetseng mo pakeng e e tlhagisitsweng mo lenaaneng...
Ke setlhopha sefe sa batho se se nnileng le batswasetlhabelo ba bantsi mo pakeng eno..?
Ke setlhopha sefe sa batho se se nnileng le batswasetlhabelo ba bobedi ba bantsi go gaisa mo go yona paka eo..?
Ke mabaka a feng a o bonang a ka ne a bakile palo e e kwa godimo ya batswasetlhabelo mo go 1 le 2..?
Naya % ya batswasetlhabelo ba dikotsi ba Bantsho mo ngwageng wa 1996...
Supa le go kwala ditlapele malebana le maiteko a pabalesego mo tseleng.
Seabe sa Indaseteri ya Dithekesi e tshwanetse go nna sefe malebana le go tshegetsa maiteko a pabalesego mo tseleng?
Thadisa posetara e e tla rotloetsang temogo ya pabalesego ya botlhe ba ba nang le seabe mo ditseleng tsa kgaolo ya SADC.
Lebelela dintlha tse di latelang tse di malebana le dikgato tsa tsereganyo tsa pabalesego mo tseleng. Lebelela lekwalo le le malebana le Maiteko a Pabalesego mo Tseleng.
Bapagami = setlhopha sa bobedi se segolo go gaisa sa batswasetlhabelo ba dikotsi tsa tsela.
Seno se kaya eng?
Bontsi jwa bapagami ba dikhombi tsa dithekesi e ne e le Bantsho mme ditleleimi tsa bona di ne di lekanyeditswe go R25 000.
Go ya ka seemo sa ikonomi ya loago, bapagami ba ne ba le mo seemong se se maswe go gaisa batswasetlhabelo ba bakgweetsi. Bontsi bo ne bo dira mo maphateng a e seng a semmuso mme letseno la bona le ne le le kwa tlase thata go na le la bakgweetsi ba dithekesi. Go totobetse gore bapagami ba dithekesi e ne e le setlhopha se se neng se sena ditshiamelo go gaisa mo batswasetlhabelong ba dikotsi tsa tsela. Palogare ya letseno la kgwedi ke R1 500 (go ya ka boleng jwa 1998).
Ke mang yo o nang le tshimaelo ya go tsenya tleleimi?
Motho yo o gobetseng ka boena (ntle le mokgweetsi yo e leng ene a bakileng kotsi).
Moikaegi wa motswasetlhabelo yo o tlhokafetseng.
Mongwe wa lesika la moswi malebana le ditsheneyegelo tsa phitlho.
Motsadi gongwe motlhokomedi wa semolao o tshwanetse go thusa motho yo o tsenyang tleleimi mme a le ka fa tlase a dingwaga di le 21.
Lebelela karolo ya Thulaganyo ya go tsenya tleleimi go bona tshedimosetso ka botlalo malebana le go tsenya tleleimi.
Go tsaya sebaka se se kana kang go tsamaisa tleleimi?
Mmueledi a ka rebola disamonse morago ga sebaka sa malatsi a le 120 se sena go feta fa e sale go tsentswe tleleimi. Seno se naya motho yo o dirang ka tleleimi malatsi a le 120 go ka swetsa patlisiso.
Fa Letlole la Dikotsi tsa Tsela le newa disamonse, motho yo o dirang ka ditleleimi gantsi o kopa paka go atolosediwa paka e e letleletsweng gore a kgone go tsenya kopo ya go itshireletsa.. Nako eno e tla dirisediwa go bona gore a tleleimi e ka seke ya duelwa ntle le gore go iwe kgotlatshekelo. Le gale go mo mmueleding go rebola katoloso ya go nna jalo.
Thulaganyo ya go tsenya tleleimi ke efe?
Tleleimi e dirwa mo foromo ya tleleimi e e rebotsweng semolao (Foromo 1), e e tlamelang ka tshedimosetso ya ntlha ka ga motho yo o dirang tleleimi, dirori le batho ba ba amegileng mo thulanong, letlha le lefelo la kotsi gammogo le ditlhotlhwa tsa tleleimi. Gape e na le pegelo ya bongaka ya ngaka e e alafang. Foromo ya tleleimi e patiwa ke pego e e ikanetsweng e e tlhalosang dintlha ka botlalo malebana le kotsi, dipolelo tsa dipaki, dipegelo tsa sepodisi, direkoto tsa sepetlele le tsa bongaka, gammogo le dirasiti le makwalo a a tshegetsang ditlhotlhwa tsa tleleimi.
Bakgweetsi ba dirori tse di amegileng mo thulanong ba tshwanetse go tlamela Letlole la Dikotsi tsa Tsela ka dintlha tsa kotsi mo foromong ya semolao ya pegelo ya kotsi (Foromo 3) gammogo le tshedimosetso ya dipaki, e Letlole la Dikotsi tsa Tsela le ka e kopang.
Fa tleleimi e setse e tlhagisitswe, Letlole la Dikotsi tsa Tsela le e kwadisa mo tsamaisong ya lona ya ditleleimi mme le simolole go dira dipatlisiso. Letlole la Dikotsi tsa Tsela le swetsa gore a tleleimi ke ya boammaaruri (go raya gore, a go ne go na le kotsi ya tsela, a e ikobela ditlamelo tsa molao, a e tlhagisitswe ka nako j.j.) le gore a kgetsi e na le boleng (go raya gore, seelo sa molato, molato gongwe botlhaswa go lebeletswe bakgweetsi ba dirori gammogo le motho yo o tsentseng tleleimi). Go swediwa gape ka boleng (go raya gore, seelo sa ditshenyegelo gongwe ditatlhegelo).
Fa tleleimi e sa felela, Letlole la Dikotsi tsa Tsela le kopa tshedimosetso ya tlaleletso le makwalo a tshegetso go le kgontsha go sekaseka morero botoka.
Letlole la Dikotsi tsa Tsela le tlhoka foromo ya tshimologo.
Ke maikarabelo a gago go netefatsa gore foromo e fitlhelela Letlole la Dikotsi tsa Tsela. Letlole la Dikotsi tsa Tsela le ka seke la supiwa ka monwana fa diforomo tse di rometsweng ka poso gongwe di neeleditswe motho wa boraro, di sa goroge kwa Letloleng la Dikotsi tsa Tsela.
Go tshwanetse ga tladiwa le go tlhagisa foromo e e farologaneng malebana le motho mongwe le mongwe yo o gobetseng gongwe yo o tlhokafetseng yo e leng gore go diriwa tleleimi ya tuelo ya dikgobalo tsa mmele gongwe leso.
a. manege dipegelo tsotlhe tsa kalafi le molao tse motho yo o dirang tleleimi a nang natso; mme b. o supe, malebana le tleleimi ya go latlhegelwa ke letseno la isago, mo polelong e e farologaneng gore tatlhegelo eo e tlhakanyeditswe jang.
Tetlelelo e e kwadilweng ya tlhatlhobo e e ka diriwang ke, gongwe mongwe mo boemong jwa Letlole, ya direkoto tsotlhe tse di malebana le motho yo o gobetseng gongwe yo o tlhokafetseng tse di ka neng di tshotswe ke sepetlele gongwe ngaka e tshwanetse go pata foromo eno.
iv. Dintlha 1 go ya go 5 tsa foromo eno di tshwanetse go tladiwa pele ga foromo eno e ka romelwa kwa ngakeng gore e tlatse pegelo ya bongaka.
v. Moo go nang le mabokosowana a a dirisediwang go araba potso, baya letshwao la sefapaano mo bokoswaneng e e maleba.
a i Leina ka botlalo le aterese ya motho yo o tsenyang tleleimi ii Boagi...
Nomoroitshupo/ ya Lekwalo la Mosepele...
Nomoro ya mogala: Legae Tiro...
i Seemo se motho yo o tsenyang tleleimi a leng mo go sona...
Maina ka botlalo le aterese ya motho yo go tsenngwang tleleimi ya tuelo mo boemong jwa gagwe...
Nomoroitshupo/ ya Lekwalo la mosepele ya motho wa go nna jalo...
Kamano ya motho yo o tsenyang tleleimi le motho wa go nna jalo...
a Ditlhaka le dinomoro tsa kwadiso i Mofuta ... ii Mofuta wa mmele...
b Leina le aterese ya mong ka nako ya kotsi...
c Leina le aterese ya mokgweetsi ka nako ya kotsi...
i Tshedimosetso nngwe fela ya tlaleletso malebana le serori...
Go tserwe dikgato dife go batlisisa gore mong wa serori ke mang...
a. Letlha .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. . (b) Nako .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. (c) Lefelo .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
d Seteišene sa mapodisi se go begilweng kwa go sona le nomoro ya tshupetso ya sepodisi.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
e Mametlelela pego e e ikanetsweng e tshegediwa ke thadiso ya lefelo la kotsi e e tlhagisang dintlha tsa kotsi ka botlalo.
f Mametlelela dikhopi tsa dipolelo tsotlhe tse di teng go akarediwa le bosupi jwa ba ba boneng ka matlho le dikwalo tsotlhe go akarediwa pegelo ya kotsi le leano la sepodisi.
a. Ditlhaka le dinomoro tsa kwadiso .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
b. (i) Leina la mong ka nako ya kotsi.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ....
c. (i) Leina la mokgweetsi ka nako ya kotsi .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ....
Fa go amegile dirori tse dingwe tse di fetang pedi, dintlha di tshwanetse go tlhalosiwa mo polelong e e farologaneng le foromo eno.
a. Leina ka botlalo le aterese .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
b. Nomoroitshupo/ ya Lekwalo la Mosepele.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. (c) Bong .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. (d) Letlha la matsalo.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
e Seemo sa nyalo ka nako ya kotsi: ga a ise a nyalwe nyetswe tlhadilwe motlholagadi/moswagadi f Fa e le gore o nyetswe: ka tlhakanelo ya dithoto ntle le tlhakanelo ya dithoto lenyalo la setso g Kgwebo gongwe tiro .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
h Ka nako ya kotsi, a motho yo o ne a le mo go nngwe ya dirori tse di tlhalositsweng mo ntlhaneng ya 2 gongwe ntlhana ya 4?
i Fa karabo e le EE, tlhalosa: i Ditlhaka le dinomoro tsa kwadiso tsa serori.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. . ; le ii gore a e ne e le mopagami gongwe mokgweetsi .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ....
j Fa motho e ne e se mopagami gongwe mokgweetsi mo nngweng ya dirori tse di tlhalositsweng mo ntlhaneng ya 2 gongwe 4, i o ne a tsamaya ka eng .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...?
k Leina le aterese ya ngaka ya ka gale.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ....
l Leina le aterese ya ngaka e e mmoneng morago ga kotsi.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ....
m i O amogetse kalafi kwa sepetlele gongwe lefelong lefe la tlhokomelo morago ga kotsi .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..?
Sebaka se se kae e le molwetse yo o robaditsweng go tloga .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. go ya go .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ....
le/gongwe molwetse yo o sa robadiwang (go tloga .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. . go ya go .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..)?
Karoganyo mo mabakeng a dipetlele: molwetse wa sepetlele molwetse wa poraefete n A o ne a na le mathata mangwe a mmele gongwe bokoa mo pakeng ya pele ga kotsi?
o Fa karabo e le EE, tlhalosa dintlha.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
p i Leina le aterese ya mothapi ka letlha la kotsi fa go na le bathapi ba ba fetang bongwe, tlhagisa maina le diaterese tsa bona botlhe.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ....
Letlha la go boela tirong.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
q A o gobetse gongwe go tlhokafala mo pakeng ya gagwe ya go dira?
j go tswa mo tirong .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
go tswa ko motsweding mongwe fela o mongwe tlhalosa dintlha.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
Palogotlhe .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. . R.. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
a. Lefelo le a tlhokafaletseng kwa go lona .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. (b) Letlha la go tlhokafala .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ....
c A go itsewe gore a go nnile le ditlhotlhomiso?
d Fa go itsewe, tlhalosa gore kwa kgotlatshekelo efe.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
le nomoro ya tshupetso.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. (mametlelela khopi ya rekoto e e maleba ya tlhotlhomiso fa e le gona).
e Leina le aterese ya motsamaisi wa boswa jwa moswi.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ....
FA MOTHO YO O KAILWENG MO NTLHANENG YA 5 A TLHOKAFETSE MME GO DIRWA KOPO YA TLHATSWADIATLA KE, GONGWE MO BOEMONG JWA MOKAEGI WA MOTHO YOO, GO TLHOKEGA TSHEDIMOSETSO E E LATELANG MALEBANA LE MOKAEGI WA GO NNA JALO. Fa tleleimi ya tuelo ya tlhatswadiatla e dirwa ke, gongwe mo boemong jwa baikaegi ba feta bongwe, tshedimosetso e e tlhokegang mo temeng eno malebana le mongwe le mongwe wa baikaegi e tshwanetse go tlhalosiwa mo polelong e e farologaneng, e e tshwanetseng go manegiwa mo foromong eno.
a. Maina ka botlalo le aterese .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
b. Nomoroitshupo/ya Lekwalo la Mosepele .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ....
c. Bong .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. . (d) Letlha la matsalo .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ....
e Kamano le moswi .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ....
i A o na le mathata mangwe a mmele gongwe bokoa mo pakeng ya pele ga kotsi?
j Fa karabo e le EE, tlhalosa dintlha.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
Maina le aterese ya mothapi ka letlha la kotsi le sebaka se a neng a thapilwe ke mothapi wa go nna jalo (fa e le bathapi ba feta bongwe, tlhagisa maina le diaterese tsa botlhe) .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ....
j go tswa mo tirong .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
go tswa mo motsweding mongwe fela gape tlhalosa dintlha .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
Palogotlhe .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. . R.. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
m Dintlha le boleng jwa boswa bope fela gongwe ditshiamelo tse di amogetsweng go tswa kwa bosweng jwa moswi gongwe di tswa go tswa ka motsweding mongwe fela ka ntlha ya leso la motho yo o kailweng mo ntlhaneng ya 5, ntle le tšhelete ya inšorense gongwe ya phenšene.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ....
Go tshwanetse ga ntshiwa dintlha tse di tlhamaletseng malebana le dintlhana tse di latelang mme di tshwanetse go tshegediwa ke ditshupo fa go kgonagala. Fa go tlhokega, tshedimosetso e e tlhokegang mo ntlhaneng eno e ka tlhagisiwa mo polelong e e farologaneng e e saenilweng le go mametlelelwa mo foromong eno. Lebelela gape Ela Tlhoko ii mo foromong e e fa godimo.
Ntlha Bokana a. Ditshenyegelo tsa sepetlele (dipetlele tsa porofense) .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
b. Ditshenyegelo tsa sepetlele (dipetlele tse dingwe).. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
c. Ditshenyegelo tsa kalafi .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ....
d. Dtshenyegelo tse di fopholediwang tsa kalafi mo isagong.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
e. Tatlhegelo ya letseno/ tshegetso go tloga ka letlha la kotsi go fitlha ka letlha leno.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ....
f. Tatlhegelo e e fopholediwang ya letseno/tshegetso mo isagong.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ....
g. Ditshenyegelo tsa phitlho.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
h. Tshenyego ka kakaretso (ditlhabi le tshotlego, bogole jwa leruri, j.j.,) .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
Palogotlhe .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. . R.. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
b Fa motho yo o dirang tleleimi a setse a duetswe go ya ka Molao wa 1993 wa Tuelo ya Tlhatswadiatla ya Dikgobalo le Malwetse a mo Tirong, tlhagisa bokalo jo bo amogetsweng.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ....
Ka go riana ke ikana gore go ya ka kitso le tumelo ya me, tshedimosetso e e tlhagisitsweng mo foromong eno ke nnete mme e nepagetse gotlhelele..
E saenilwe kwa .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. . ka letsatsi leno .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. la .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. Mosaeno wa motho o o tlhagisang tleleimi (yo o kailweng mo ntlheng ya 1) gongwe moemedi yo o letleletsweng. (Fa e le wa bofelo, bosupi jo bo kwadileng jwa gore o letleletswe go ema jaaka moemedi wa semolao wa motho yo o tlhagisang tleleimi bo tshwanetse go tla le foromo eno.
Kgaolo 24 (a) e e dira tlamelo ya gore pegelo eno e tla tladiwa ke ngaka e e alafileng mogobadi gongwe moswi ka ntlha ya dikgobalo tsa mmele tse a di boneng mo kotsing e e bakileng tleleimi eno gongwe supurinthendente (gongwe moemedi wa gagwe) wa sepetlele se mogobadi gongwe moswi a alafetsweng dikgobalo tseo tsa mmele kwa go sona.
Mo go tlametsweng ka mabokoso a go araba dipotso, tshwaya sefapaano mo bokosong e e maleba.
Leina la motho yo pegelo eno e amanang nae.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ....
b A o kgotsofetse gore motho yono ke ena yo o kailweng mo ntlheng ya 5 ya foromo ya go tlhagisa tleleimi?
Letlha le a bonweng ka lona la ntlha morago ga kotsi.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
A o ne o kile wa mo alafa pele ga kotsi?
Fa karabo e le EE, tlhagisa letlha la kalafi eo ya bofelo le mofuta wa bolwetse .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
Botlhoswana .. .. .. .. .. .. .. .. ....
Tseneletsenyana .. .. .. .. .. ....
Tseneletse .. .. .. .. .. .. .. .. ...
b Tlhalosa kalafi e a e neilweng go fitlha ga jaana .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
A go solofetswe kgolafalo ya leruri?
Fa karabo e le EE, tlhalosa dintlha ka botlalo.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
Fa karabo e le NNYAYA, a seemo sa gagwe se tlhomame .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...?
A o newa kalafi ke ngaka ya moitseanape?
Fa karabo e le EE, naya leina le aterese ya ngaka ya moitseanape.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ....
A go bonelwa pele tlhokego ya kalafi ya bongaka mo isagong?
i Kalafi eo e ka nna ya mofuta ofe mme gona e tla bo e le ya dikgobalo di fe.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
Letlha le le solofetsweng go dira seo.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
Sebaka se se solofetsweng sa go dirwa ga seo .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ....
Ditshenyegelo tse di abelelwang tsa go dira seo R .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
c A go bonelwa pele kgonagalo ya go robadiwa kwa sepetlele malebana le kalafi ya isago e e kailweng mo go a fa godimo?
i Letlha le le solofetsweng la go robadiwa kwa sepetlele go go kailweng .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
Sebaka se se solofetsweng sa teng.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ....
A dikgobalo di etegeditse bolwetse bope fela jo bo ntseng bo le gona?
A bolwetse joo jo bo ntseng bo le gona bo etegeditse ditlamorago tsa?
Fa karabo ya ntlha ya 9 gongwe 10 fa godimo e le EE, tlhagisa dintlha ka botlalo .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ....
A motho yo o nna fela wa sepetlele/ lefelo la tlhokomelo?
a Leina le aterese ya sepetlele/ lefelo la tlhokomelo.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ....
b Nomorotshupo ya sepetlele .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ....
c Letlha la go gololwa gongwe le go solofetsweng go gololwa ka lona.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
Fa a ne a dira ka nako ya kotsi, tlhalosa gore go solofetswe gore a boele tirong leng .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ....
a Letlha la leso .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ....
b A malwetse a a neng a ntse a le teng a nnile le seabe mo losong?
c Fa karabo e le EE, tlhagisa dintlha ka botlalo.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
Leina la ngaka .. .. .. .. .. .. .. Borutegi .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ....
Aterese .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
Mosaeno .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. Letlha .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ...
Maiteko a go supa seemo se dirori di emeng mo go sona ka matshwao mo tseleng tšhoko, pente e e kgatshiwang, j.
Netefatsa gore ngaka e e alafang e kwala rekoto ya maeto gongwe e tlamela ka tlhaloso ka botlalo, go akarediwa le kalafi - bogolo segolo fa e le gore kalafi ga e a rebolwa ke ngaka ya ka gale ya mogobadi.
Mokgatlho wa AA wa re ka ntlha ya go fokotsega ga pharakano, go diragala dikotsi di se kae fela fa go sena go phirima go na le motshegare, fela kelo ya dintsho yona e kwa godimo. Dintlha tse go le gantsi di amanngwang le dikotsi tsa bosigo ke letsapa, go tlhoka go tsepa maikutlo, go nwa tagi gammogo le pono e e sa tlhapang. Monagano le ona o dira ka bonya mme seno se bake go tsaya ditshwetso ka mogopolo o o seng mmogo gammogo le go nna bonya go tsiboga.
Morago ga go tswa mo lefelong le le nang le lesedi le le galalelang, go tsaya metsotso e ka nna 30 pele ga leitlho la motho le ka bona sentle bokana ka diperesente di le 80, le go fitlha go ura pele ga pono ya bosigo e ka nna sentle. Bagolo ba lekanyediwa go diperesente di le 20 ba na le pono e e sa tlhapang mo go kalo - e ka nna go tloga ka go bonela gaufi go go sa reng sepe go ya go go sa boneng fa go le bosigo. Bakgweetsi ba ba nang le mathata a go lapa matlho fa ba kgweetsa ba tshwanetse go bona ngaka gongwe ngaka ya matlho e e ka atlenegisang gore ba tile go kgweetsa bosigo gotlhelele.
Leka go tila go toma matlho mo sekgaleng se le sengwe fela gonne seno se lapisa matlho. Leba kwa le kwa gangwe le gape mme o lebelele kwa matlhakoreng a lefelo le le tshubilweng ke dipone tsa gago. Selo se se sa bonesiwang sentle se ka bonala botoka fa o ka leka go isa matlho kwa letlhakoreng la sona, gonne pono ya kwa ntle ga e amiwe thata ke lesedi le le fokolang go tshwana le ponogare.
O tshwanetse go fokotsa lebelo bosigo gore o seke wa kgweetsa go feta sekgala sa pono ya gago - go kaya gore, o tshwanetse gore o kgone go emisa mo seemong sengwe le sengwe, mo sekgaleng se se bonesitsweng ke dipone tsa gago mo tseleng. Ka jalo go kgweetsa ka dipone tse di sa bonaleng gongwe tse di ngotlilweng, go tlhoka gore go kgweediwe ka lebelo le le kwa tlase. Sekgala fa morago ga serori se sengwe se tshwanetse go okediwa bosigo, mme ntle le fela fa o tloga o sega tsebe, dira gore serori se se kwa pele se nne bokgakala jo bo lekanang le sekgala se dipone tsa gago tse di ngotlilweng di fitlhang kwa go sona.
Dipone di tshwanetse go ngotliwa go sa le gale, pele ga serori se se tlang se nna gaufi thata. Fa mokgweetsi yo o tlang a sa tsiboge, phatsimisa dipone gape sebakanyana se se kae fela mme o di ngotle gape. Tila thaelo ya go ipusulosetsa ka go phatsimisa dipone tsa gago - go nna le bakgweetsi ba le babedi ba ba fatlhwang ke dipone ke go oketsa kgonagalo ya kotsi fela.
Fa o lebagane le serori se se yang kwa ntlheng e nngwe mme wena o le mo segorong se se ka fa molemeng, ngotla dipone tsa gago go sa le gale, go seng jalo di tla ralala segoro mme di fatlhe mokgweetsi yo mongwe. Mo segorong se se ka fa mojeng gona, dipone tsa gago di tla phatsimela kwa ntle, kgakala le pharakano e e tlang kwa pele, fela fa mokgweetsi yo o tlang kwa pele a ngotla dipone, go ka nna botoka gore le wena o dire fela jalo.
Dipone di tshwanetse go lolamisiwa gangwe le gape, bogolo segolo fa go rulagantswe leeto la bosigo mme serori se laisitse boima go feta ka metlha. Fa ditilo tsa kwa morago di pegile bapagami mme butu e laisitse, dipone tse di ngotlilweng di tla bo di phatsima kgakala fela, fa dipone tse di sa ngotliwang tsona di tla fatlha bakgweetsi ba ba tlang kwa pele ntle le go bonesa tsela. Go botoka go lolamisa dipone kwa karatšheng, mme dipone di tshwanetse go lolamisiwa gape fa o tsamaya ka morwalo o o tlwaelegileng. Go tshwanetse ga lolamisiwa mowa wa dithaere pele ga serori se ka laisediwa leeto la malatsi a boikhutso.
Nna le nako ya go ikhutsa mo diureng dingwe le dingwe di le pedi, gongwe dikilometara di le 200.
Bofang mabanta kwa ditilong tse di kwa morago le tse di kwa pele.
Se nwe tagi o bo o kgweetsa.
Dirisa dipone tsa kwa pele fa pono e fokotsega, mme e seng dipone tsa go phaka.
Dira gore sekgala se se magareng ga gago le serori se se fa pele, e nne bonnye disekonto di le pedi.
Sega tsebe fa fela go babalesegile go ka dira jalo.
O seke wa laisa go feta tekano.
Netefatsa gore serori sa gago se mo seemong se se siametseng leeto pele ga o ka tsamaya.
Rulaganya tsela ya malatsi a gago a boikhutso sentle.
Nna le tirisanommogo mo badirising ba bangwe ba tsela.
Mmogo le lefifi le seemo sa pula; badirisi ba bangwe ba tsela ba tsewa e le dikotsi tse dingwe tse di tlwaelegileng. Ithute go lemoga bakgweetsi ba ba ka nnang kotsi mme o leke go tshamekela kgakala le bona. Go sa kgathalesege gore o ka ne o rumutswe go le kae, leka go diga makgwafo mme o tile maikutlo a go ipusulosetsa - seno se ka baka kotsi gongwe thuntshano.
Serori sengwe le sengwe se pono ya mokgweetsi wa sona e sa lekanang - go tshwana le lori e e laisitsweng phetelela mme e sena diipone mo matlhakoreng.
Serori sengwe le sengwe fela se se leswe, se rusitse, se tlhaela dikarolo dingwe gongwe se pumpunyega mosi mo sekgwamosing - seno se ka ne se kaya gore serori ga se mo maemong a a siameng ka bosona.
Lori e e laisitsweng morwalo o o sa laisiwang sentle gongwe o sa bofiwa, gongwe serori se se laisitseng morwalo mo godimo - morwalo gongwe karolo ya ona, o ka suta mme wa sitlhamana.
Serori se se nang le bana ba ba matlhagatlhaga gongwe diruiwa tse di tlhaga - mokgweetsi yoo o ka ne a tshabelelwa ke dikotsi gongwe a le botlhaswa.
Serori se se nang le dikgomaretsi mo difensetereng, merwalo, bapagami ba ba ntsintsi gongwe diaparo tse di akgegang - pono ya mokgweetsi e ka ne e kgoreletsega.
Serori se mokgweetsi wa sona a sa bonaleng a tsepamisitse mogopolo otlhe mo tseleng.
Mogweetsi yo o kgoreletsang mme a sa batle go go tlogela gore o fete - fokotsa lebelo mme o mo tlogele gore a etelele pele thata.
Serori se se "tletsetletseng" mo tseleng - se ka ne se na le seterebo gongwe segoki se se phoso, gongwe mokgweetsi o ka ne a nole tagi gongwe a otsela.
Magareng ga letlatlana le makuku a naka tsa kgomo.
Mo dipakeng tsa pharakano e ntsi mo mosong le maitseboa.
Ka "nako ya go tswala" kwa dibareng, dihotele le mafelo a maitiso.
Maitseboana fa bana ba boa kwa dikolong.
Morago ga dikokoano tsa setšhaba di tshwana le metshameko ya rugby gongwe mabelo.
Go ela kwa mafelong a beke le ka mafelo a beke fa tiriso ya tagi e oketsega.
Ka malatsi a boikhutso a botlhe le ka mafelo a beke fa bakgweetsi ba tsepamisitse megopolo mo go boneng lenaga go na le go kgweetsa ka tshwanelo.
Ga gona lebaka la gore mokgweetsi a nne mo moleng wa moja mme a pateletsa dirori tse dingwe go mo sega tsebe ka fa mojeng fela ka ntlha ya gore o kgweetsa ka lebelo le le letleletsweng. Mokgweetsi yo mongwe o ka ne a na le lebaka le le utlwalang la gore a fete lebelo le le beilweng, mme go mo kgoreletsa jalo go ka dira gore go nne le seemo se se kotsi se mo go sona go kukega makgwafo go ka kgoreletsang go tsaya ditshwetso ka tshwanelo.
Mo maemong a tshoganyetso, panyapanyisa dipone tsa gago tsa tshoganyetso tse di mme o tshube dipone tsa gago mme o kgweetse ka lebelo le le babalesegileng. Ikobele melao ya tsela mme o seke wa kgweetsa botlhaswa.
Kgakololo eno e tswa kwa Mokgatlhong wa Dirori (AA) go latela dipegelot se di bonweng mo bakgweetsing ba ba itirang "mapodisi" ka go kgoreletsa mola o o ka fa mojeng (wa go sega tsebe) wa tsela ya mela-mentsi.
Le fa gona go kgweetsa mo moleng wa tshoganyetso go letlelelwa mo mabakeng mangwe motshegare, pharakano e e tlang kwa morago ga e a tshwanela go pateletsa dirori tse di kwa pele go sutela kwa moleng o mosetlha go go di letla go sega tsebe. Ke go bontsha botho go suta, fela o sala ka maikarabelo a go netefatsa gore a go babalesegile go dira jalo.
Mokgatlho wa AA o rotloetsa bakgweetsi go nna le boitshoko mo ditseleng tsa rona ka go kgweetsa ka iphemelo go na le ka mafega.
Maitsholo mo tseleng - a dira gore go kgweetsa go itumelelwe ke botlhe.
Ngwaga le ngwaga batho ba balelwa go 10 000 ba swa mme ba bangwe ba le 150 000 ba gobala mo dikotsing tsa tsela mo Aforika Borwa. Ke dipalo tse di gatsetsang mmele, fa o lebelela gore malatsi a boikhutso a Sedimonthole a setse a gorogile. Ditatlhegelo tsa matshelo di utlwisa botlhoko, fela ditshenyegelo tsa ikonomi tsona di a boitshega. Dituelo tsa ditirelo tsa sepodisi le tsa tshoganyetso, tshenyego ya dirori le dithoto, gammogo le paka ya go sa dire di jela naga dibilione tsa diranta di fopholediwa go R12 ngwaga le ngwaga.
Go tshwanetse ga nna le tsela ya go fokotsa dintsho le tshotlego e e kana kana. Nnete ke gore yona e teng. Mme yona e tlhoka fela metsotsowana e le lesome ya go akanya le go tsaya kgato. "Metsotswana e le lesome e e ka bolokang botshelo jwa gago", ke molaetsa o o bonolo mme o tlhamaletse. Molaetsa ke gore dikgato di le nne tse di bonako, bonolo, mme di sa je tšhelete epe, tse di tsayang metsotswana e le 10 fela di ka boloka botshelo jwa gago. Jaanong dikgato tseo ke dife?
Ka gale baya bana mo setilong se se tshwanetseng sa bana gongwe mo tharing: mo kotsing ya lebelo la dikilometara di le 50 ka ura, ngwana wa dingwaga di le nne, wa boima jwa dikilogerama di le 20, o tla thulana le sengwe sa ntlha se se popota ka boima jwa dikilogerama di le 400. Go dirisa setilo sa bana se se tsentsweng ka tshwanelo gongwe setshegetsi, go ka fokotsa dikotsi tse di ka tsayang botshelo ka go fitlha go 75%. Ka jalo sekaseka setilo sa bana se se mo seroring sa gago. A se tsentswe ka pabalesego A ke sa bogolo jo bo siameng A o a se dirisa Re itse gore bana ba ka ngongorega nkwana. Fela seo se botoka go na le se se maswe se se ka diragalang?
Baya ka gale dilowana tse di sa bofiwang mo teng ga butu ya serori. Fa serori se ema ka tshoganyetso mo kotsing, buka ya dimmapa e e kwa morago e tla betsa bapagami ka bokete jwa thago ya karate. Khamera e fetoga geranata ya seatla, fa sekhukhu e ka fetoga go nna mmisaele o o bolayang. Dilwana tsa kerosari di ka bolaya. Di beye kwa butung.
Lolamisa setilo le setshegetsa tlhogo ka gale. Ke setshegetsa tlhogo, e seng seikaegi mme se foo go thebela gongwe go fokotsa kgobalo ya molala, e leng yona kgobalo e e tlwaelegileng thata mo kotsing ya serori. Tota le mo lebelong le le kwa tlase jaaka la dikolometara di le lesome ka ura, go ntse go na le kotsi ya kgobalo e e tseneletseng.
Tsenya lebanta la gago la pabalesego ka gale mme o netefatse gore motho mongwe le mongwe yo o mo seroring o tsentse la gagwe. Re a boeletsa, dirisa lebanta ka gale.
Mokgatlho wa AA o gatelela gore ga se fela gore go tshwanetse ga tsenngwa mabanta a pabalesego kwa pele mo seroring. Mabanta a kwa morago le ona a boloka matshelo - fela re fopholetsa gore, go ralala Aforika Borwa, ke fela batho ba ba ka nnang 65% ba ba dirisang mabanta a pabalesego.
Tiriso ya lebanta la pabalesego e botlhokwa mo leetong lengwe le lengwe, go sa kgathalesege gore le lekhutshwane gongwe bonya go le kana kang - mme go botlhokwa go mongwe le mongwe yo o mo seroring. Go tola boloka bapagami - mme gape go tla boloka bakgweetsi. Mopagami yo o sa bofiwang mo seroring se se amegang mo kotsing a ka thula ba bangwe ka boima jwa tlowana.
Dikgato di le nne tse di Bonolo: Dikgato tse di tsayang metsotswana mme di ka boloka matshelo. Akanya ka ga tseno. Mme o diragatse.
Mokgatlho wa AA o ikuetse gore go tiisiwe thata taolo ya dithaere tse dikgologolo tse di tsenelelang mo nageng eno mme di dirisiwe mo diroring tse di pegang diketekete tsa bapagami.
Mokgatlho wa AA o ne o tsibogela patlisiso e e tseneletseng e e dirilweng ke ditlhopha tsa patlisiso tsa lekwalodikgang la Sunday Times le lenaneo la M-Net la Carte Blanche, tse diphitlhelelo tsa tsona di golotsweng fa gautshwane.
Ka ntlha ya tlhaelo ya dithaere, indaseteri ya dithaere e patelesega go romela teng dithaere tse di dirisitsweng gore di bakanyediwe go dirisiwa gape. Le fa gona go tlhokega ditetla go dira dithomelo teng tse di jalo, bontsi jwa dithaere bo tsweletse go kgabaganya melelwane go tsena mo nageng mme di rekisediwa bakgweetsi gongwe beng ba dithekesi ba ba sa belaeleng sepe. Dithaere tse di romelwang teng ka tetla, ga di fitlhelele barekisi ba ba mo molaong, mme gape merwalo ga e sekasekiwe kwa bogorogelong.
Kwa yuropa, boteng jwa semolao jo bo letleletsweng jwa thaere ke 1,5mm go na le tlhokego ya mo Aforika Borwa ya 1mm, mme re na le tumelo ya gore dithaere tseo di "latlhelwa" mo mmarakeng wa Aforika Borwa. Diperesente di se kae di ka ne di le mo seemong se se amogelesegang, fela bontsi bo ka ne e le jwa seemo se se kwa tlase.
Mo godimo ga go gagamatsa taolo ya thomeloteng, go tshwanetse ga rulaganngwa mananeo a thuto, go lemosa setšhaba ka botlhokwa jwa go nna kelotlhoko fa go rekiwa dithaere tse di setseng di kile tsa dirisiwa, gammogo le bogolo jo bo tshwanetesng jwa thaere le mowa o o lekaneng mo mofuteng wa serori. Beng/Bakgweetsi ba dithekesi ba rotloediwa go bona bukana ya "Dithaere tsa dithekesi tse di pagamisang 10 go ya go 16", e e phasaladitsweng ke Biro ya Seemo ya Aforika Borwa.
Gakologelwa - dithaere ke tsona fela dikarolo tse dinnye tse di amanyang serori le tsela, e ka nna mo seemong sa bosa se se omileng gongwe se se bongola.
Ntlha e e tlang pele ga go ka tsewa leeto, ke go sekaseka gore a serori se babalesegile. Go tshwanetse ga sekasekiwa dipone le dipone-kaedi tsotlhe, diphimola difensetere, maboriki, seterebo, thulaganyo ya sekgwamosi le dithaere go batla diphoso. Bakgweetsi ba ba senang bonnete gongwe ba tshwenyegile ka ntlha ya gore a dirori tsa bona di siametse tsela, ba ka dira ditlhatlhobo tsa setegeniki tsa pele ga malatsi a boikhutso kwa Tikwatikweng nngwe le nngwe ya Setegeniki ya Mokgatlho wa AA go ralala Aforika Borwa - mme tlhatlhobo eno e dirwa ka tuelo e e sa reng sepe.
Bakgweetsi ba gakololwa gore ka gale ba nne le fenebelete le lethombo la redieitara la tlaleletso mo butung - le fa serori se amogetse pegelo ya setegeniki ya gore se tlhamaletse. Tseno di ka boloka nako le tšhelete fa go ka nna le mathata, mme gape go ka nna botoka thata go tsaya dinotlolo tsa tlaleletso.
Kgakololo e nngwe ke ya gore o tlhole dipholesi tsa inšorense pele ga o ka tsaya leeto le le leele. Dipholesi tsa inšorense tsa dirori, dithoto tsa mo ntlong, tsa ntlo le tsa botshelo di tshwanetse gore di bo di tlhamaletse.
Go tshwanetse ga khanselwa batho ba ba tliswang makwalodikgang le mašwi mme go dirwe tlamelo ya tlhokomelo ya diruiwa. Ntlha e nngwe ya tlhokomelo e ka nna gore batsamai ba tshwanetse go itsese seteišene sa mapodisi se se fa gaufi gore ba tla bo ba se mo gae.
Malapa a a tsamayang ka tsela e ba sa e tlwaelang a tshwanetse go rulaganya leeto. Mokgatlho wa AA o tlamela ditokololo tsa ona ka dimmapa tse di farologaneng tsa tsela, maano a ditoropo, dibukana le dipegelo tsa ditsela. Manaane a maeto a a rulagantsweng bongwe ka bongwe a ka newa ditokololo fa di kopa jalo. Go botlhale go dirisa ditsela tse dikgolo go na le go dirisa ditselana tse di potelang - le fa di kgaola leeto.
Mokgatlho wa AA o na le tsamaiso ya SOS e e tlhomilweng ke Lefapha la Dipalangwa mo ditseleng tse dikgolo. Difounu tsa SOS di farologane ka sekgala sa dikilometara di le pedi mme o ka bona thuso fela ka go letsa.
Bakgweetsi ba ba mo maetong, ba tshwanetse go netefatsa pabalesego ya bona le ya balelapa le badirisi ba bangwe ba tsela, ka go dirisa mabanta ba pabalesego le go tlhokomela sekgala sa metsotswana e mebedi fa morago ga serori se sengwe. Sekgala se se fa morago ga serori se sengwe se tshwanetse go okediwa bosigo, fa go le mouwane gongwe pula e na gongwe tsela e le bongola.
Letsapa le go lapa matlho go ka tilwa ka go ikhutsa gangwe le gape. Go botoka gape go fetola bakgweetsi kwa mafelong a go ikhutsa. Go gakololwa gore go nne le boikhutso jwa pabalesego mo diureng dingwe le dingwe di le pedi gongwe dikilometara di le 200 gonne seno se tla fokotsa seelo sa letsapa.
Dirori di tshwanetse go lotlelwa ka gale fa go sena ope fa go tsona mme go seke ga tlogelwa dilwana tsa botlhokwa di le fa di ka bonwang teng ke bafeti ka tsela. O seke wa tlogela bana gongwe diruiwa mo seroring se se lotletsweng - mogote o o ka fa gare o ka baka letsapa la mogote gongwe go swa mhama ka ntlha ya mogote go go ka bakang leso.
Go botlhokwa gape gore bakgweetsi ba tshola dilaesense tsa bona tsa go kgweetsa ka dinako tsotlhe. Seno se botlhokwa go ya ka molao.
Ema ka gangwe fela.
Sekaseka mofuta le seelo sa dikgobalo mme o thuse ba ba gobetseng ka moo o ka kgonang ka teng.
Bitsa mapodisi le emelense fa go na le motho mongwe yo o tlhokafetseng gongwe yo o gobetseng.
Sekaseka mofuta le seelo sa tshenyego.
Fa serori se thibile tsela gotlhelele, o ka se sutisa, morago ga go tshwaya mo se neng se eme gona, mme fela fa go na le motho yo o gobetseng gongwe yo o tlhokafetseng, o ka dira jalo fela morago ga go bona tetla go tswa kwa motlhankeding wa pharakano.
Tlhagisa laesense ya gago ya go kgweetsa mme o begele sepodisi ka ga kotsi mo sebakeng sa diura di le 24, mme o bone nomoro ya tshupetso, e o tla e tlhokang mo mabakeng a inšorense.
Thadisa lefelo la kotsi ka ditshwantsho tse di bonolo, mme fa go kgonega, tsaya ditshwantsho.
Tila go dira dipolelo tse di ka go tshwarisang mme o se ke wa amogela molato.
Kwala diitshupo tsa matlhakore a mangwe le dipaki, gammogo le seemo sa kotsi.
O seke wa sutisa batho ba ba gobetseng thata, mme o thuse fela go fitlha moo o ka kgonang teng gongwe go ya jaaka o katisitswe.
Netefatsa gore motlamedi wa kgogo yo o ikanyegang o goga serori sa gago mme o kope lekwalo la gore tuelo e tla nna bokae pele ga serori sa gago se gogiwa.
Ela tlhoko: Seelo se se mo molaong sa tagi jaanong ke dikereme di le 0,05 mo madding a a kana ka 100ml mo bakgweetsing ba poraefete, le 0,02 mo bakgweetsing ba porofešenale. Seelo seno ga se lekanyetse palo ya digalase tse o ka di nwang gonne go laola fela bokete jwa mmele wa gago, mme fela mo mmeleng o o magareng (85kg) e ka nna bokana ka digalase di le pedi tsa morara.
Dirori di diretswe go tsamaya ka tlhamalalo mo tseleng e e lekalekanang gongwe e e kobegang go se kae fela. Seno se kaya gore fa o tlogela seterebo mo tseleng e e lekalekanang, serori se tshwanetse go tswelela ka tlhamalalo sekgalanyana se se kae pele ga se simolola se ela kwa molemeng ka iketlo ka ntlha ya go kobega ga tsela. Fa serori se ya kwa le kwa ka nako ya tekeletso, seno e ka nna ka ntlha ya tebaganyo e e sa siamang ya maotwana, kere ya seterebo e e sa gagamalang gongwe morwalo o o sa lekalekaneng.
Fa serori se simolola fela ka go ya kwa letlhakoreng le lengwe fa o sena go tlogela seterebo, e ka ne e le ka ntlha ya pharologano e kgolo ya mowa wa dithaere magareng ga letlhakore la molema le la moja, sengwe se se sa siamang mo maotwaneng a kwa morago, dithaere di sa lekalekane, gongwe seporeng se se robegileng gongwe se lapile. Ape e ka nna ka ntlha ya diphoso tse di kailweng mo temeng e e fetileng.
Fa o le mo khoneng e e motsu mme seterebo se sokodisa go tlhamalala gape, gongwe seterebo se tlhoka gore o tsenyeletse maatla, seno e ka ne e le ka ntlha ya mowa o o kwa tlase mo dithaereng, dkgokaganyo tsa seterebo, sasepenšene e e senyegileng, kere ya seterebo e e sa lolamisiwang ka tshwanelo gongwe diporeng tse di lapileng tsa kwa pele. Tsamaiso ya maatla ya seterebo e ka ne e na le seelo se se kwa tlase sa seedi, pompo e e sa direng ka tshwanelo, go dutla ga belofo, banta e e bofologileng, gongwe peipi e e thibaneng.
Fa seterebo se itshamekela fela, se tla boa fela jalo. Seno e ka ne e le ka ntlha ya dikopanyi tse di fedileng gongwe tse di bofologileng tsa seterebo, bokoso ya seterebo e e fedileng gongwe e e sa lolamisiwang sentle gongwe dibering tse di sa lolamisiwang sentle tsa maotwana a a kwa pele. Mowa mo tsamaisong ya seterebo sa maatla ole ona o ka dira gore go nne le go itshamekela fela ga seterebo.
Go tlhodia ga dithaere mo dikhoneng gantsi go bakwa ke mowa o o kwa tlase mo dithaereng, mme gape go ka bakwa ke go sa lebagana ga maotwana gongwe segoro.
O seke wa ikanya jeke. Bogolo reka ditene tse di ikemisang mme o di dirise gangwe le gape fa o tlhoka go tsena ka fa tlase ga serori.
Tlosa sebofa-seepelwammung (go le gantsi ke pale ya Neketifi) mo beteriing go tila go simolola sesimolodi ka phoso, go simolola molelo, gongwe go gotetsa dibenyane gongwe tshupanako ya gago fa o ka ama gongwe wa bula mogala ka phoso.
Netefatsa gore dikarolo tsotlhe tsa motlakase di timilwe fa o tlosa sebofi; go seng jalo go ka tlola ditlhase mme tsa baka gore beteri e thunye.
O seke wa tlogela didiriswa mo godimo ga beteri moo di ka kgomang ditheminale mme tsa baka ditlhase.
Tlosa diaparo gongwe meriri e e akgegang mo dikarolong tse di tsamayang.
Rwala disireletsa matlho fa matlho a gago a ka nna mo kotsing, jaaka fa o lootsa, o bora o kgonamisitse.
O seke wa tlatsa sampo gongwe seduti sepe fela go feta tekano, gonne seno se ka baka tshenyo mo dikhurumelong gongwe ya dira bothata jwa go dira jo bo tseneletseng.
O seke wa tlosa sekhurumelo sa redieitara mo tsamaisong ya tsidifatso e e bolelo. Fa tota go tlhokega gore o bule, dirisa lesela mo godimo ga sekhurumelo mme o eme ka fa letlhakoreng le lengwe, o e golola ka iketlo.
O seke wa tshela metsi a a tsididi mo enjeneng e e bolelo gonne tlhakatlhakano eo e ka baka tshenyo. Fa go sena ka moo o ka dirang ka gona, tshela metsi ka iketlo fa enjene e ntse e duma.
O seke wa letla bana ba bannye gaufi le serori fa o tshwaragane le sona.
Baya moteme wa setimamolelo gaufi le fa o direlang gona.
O seke wa leka go tima molelo wa peterole gongwe motlakase ka metsi; bogolo o ka dirisa motlhaba.
Ela tlhoko fa o kukile beteri, gongwe o tshwaragane le yona, gonne esete e e phatšhegang e ka baka diphatlha mo diaparong tsa gago mme wa utlwa o babelwa.
O seke wa tsamaisa enjene sebaka mo lefelong le le tswaletsweng.
Peterole ga e akanyediwe, bogolo segolo fa e moafetse, mme fela ka ntlha ya gore o kile wa tshololela peterole mo peiping e e bolelong gangwe mme ga seke ga diragala sepe, o ka seke wa tsaya gore go tla babalesega mo nakong e e tlang.
O dirang fa serori sa gago se ema fela ka tshoganyetso Ke go tsaya mogala wa letheka fela. Go sa le jalo, go botoka go leka go batla phoso. Fa go ema goo go patilwe ke medumonyana gongwe fa maotwana a itotletse, gona go ka ne go na le bothata jo bo tseneletseng. Fa go sa nna le modumo ope, gona go na le kgonagalo ya gore go senyegile sengwe se sennye fela?
Kgato ya ntlha ke go lebelela ka fa tlase ga bonete go tlhola megala e e kgaogileng, peipi ya peterole e e robegileng gongwe karolo nngwe e e bonalang e e robegileng gongwe e dutla.
Selekanyetsi sa peterole se bontsha eng Go felelwa ke peterolo ke sengwe se se diragalelang mongwe le mongwe ka dinako dingwe?
Tlhola gore a go na le tlhase ya kgatelelo-godimo. Tlosa mongwe wa megala ya dipolaka mme o o kgomise karolo ya tshipi ya tlhogo ya selennere fa motho yo mongwe a sokeletsa sesimolodi, fa ignition e tshubilwe. Netefatsa gore ga o ame karolo epe ya tshipi ya mogala wa polaka, go seng jalo o tla tšhoukega botlhoko. O tshwanetse go bona tlhase e e maatla e e tala, fa e le bokoa mme e le tshetlha, gongwe fa go sena le fa e le tlhasenyana, tlhatlhoba letsogo la roto ka fa tlase ga sekhurumelo sa seabi (distributor) , o netefatsa gore ga le a robega gongwe go fela. Gape o sekaseke gore a boratšhe jwa khabone mo gare ga sekhurumelo bo kgomana le letsogo la roto. Fa dilwana tseno di le mo seemong se se siameng, lebelela letlhakore la kgatelelo-tlase.
Mogala wa kgatelelo-tlase o tsamaya go tloga kwa khoeleng ya ignition go ya kwa letlhakoreng la seabi. Ke mogal o mosesana o gantsi o kgaogang fela fa o tsenang mo seabing gona. Fa o siame, mme serori se na le seabi sa mofuta wa bogologolo se se nang le dintlha, gona o tshwanetse go tlosa sekhurumelo sa seabi mme o bule dintlha go se kae ka sekurufuteraeba fa ignition e tshubilwe. Go tshwanetse ga tlola tlhasenyana fa o bula dintlha. Fa tlhase e bonala gona o ka tsaya gore letlhakore la kgatelelo-tlase le siame, fela ga e seyo gona go na le go sa direng sentle mo megaleng. Fa dintlha di butswe fa o tlosa sekhurumelo, gona o tshwanetse go dikolosa enjene ka sesimolodi go fitlhelela di nna mo seemong se se tswetsweng pele ga o leka og di bula.
La bofelo o tshwanetse go tlhola gore a peterole e fitlhelela khabareitara. Tlosa legodimo la sephepafatsa mowa, mme o bone fa peterole e tlolela mo mogolong wa khabareitara fa o sutisa letsogo le le mametleletsweng mo serurubeleng.
Go tlhola jaana gantsi go ka kgona go dira gore o bone karolo e e utlwalang ya se se bakang mathata a go ema mo thoko ga tsela.
Dithaere di tshwanetse go tlhatlhobiwa gangwe le gape, mme lenaane le le latelang le sedimosa dingwe tsa diphoso tse o tshwanetseng go di lebelela. Fa go na le sengwe sa tse di latelang, ikgolaganye le moitseanape wa dithaere.
Konalo ya letlhakore le le lengwe: Seno se ka diragala ka mefuta e e farologaneng. Go nna borethe go dikologa thaere ka fa gare gongwe ka fa ntle e ka nna sesupo sa bothata mo dikarolong tsa maotwana a a kwa pele. Go sekamisetsa maotwana thata ka fa gare go baka go rethefala go go sa tlwaelegang ga letlhakore le le lengwe.
Go onala fa gare ga thaere. Go onala go go tlwaelegileng ga mofuta ono gantsi ke sesupo sa mowa o montsi mo thaereng. Go kgweetsa ka lebelelo le le kwa godimo mo sekgaleng se seleele go ka baka seno mo dithaereng tsa porofaele e e kwa tlase, gonne go kgweetsa ka lebelo la 120 km ka ura go onatsa thaere gabedi go gaisa go kgweetsa ka 70 km ka ura.
Konalo ya losi la ka fa gare gongwe ka fa ntle. Fa dintshi tsotlhe tsa ka fa gare le ka fa ntle di onetse, gantsi go kaya gore dithaere di ntse di tsamaisiwa ka mowa o o kwa tlase thata mo mabelong a a tlwaelegileng.
Go rethefala go go sa tlwaelegang fale le fale. Seno gantsi se bakwa ke ditshitatshikinyo (shock absorbers) tse di onetseng, diporeng tsa sasepenšene tse di onetseng, gongwe dibereng tsa tsa leotwana tse di repileng.
Ga gona gore re ka gatelela botlhokwa jwa go tlatsa maotwana ka tshwanelo. Fa mowa o le kwa tlase thata o ama thaere ka ditsela di le mmalwa.
Fa lebelo le oketsega, kamano e e tseneletseng le lefatshe e baka gore go nne le lekhubu mo thaereng, mme lona le dira gore go nne le mogote o o tseneletseng o o batlang tshenyego ya popego gongwe go retelelwa ga thaere. Kobego eo ya tlaleletso e tla ama motsamao wa seterebo, tlhomamo ya dintlha, bothata gammogo le go emelana le go kgokologa. Tota le go kgweetsa ka mowa o o kwa tlase ka sewelo fela, gongwe go laisa go feta tekano ka dinako dingwe, go ka baka tshenyego e e tla bonalang morago fela ka go thunya.
Mowa wa dithaere, go akarediwa le wa thaere ya tshoganyetso, o tshwanetse go tlhokwa bonnye, gangwe ka beke go dirisiwa selekanyetsi se se siameng sa mowa, pele ga dithaere di ka gotela, go tewa, pele ga o ka kgweetsa sekgala sa 10km.
Dikhurumelo tse di latlhegileng tsa dibelofo di tshwanetse go busediwa gonne di tshwanetse go sireletsa dibelofo kgatlhanong le leswe le le ka di thibang mme la baka gore mowa o dutle.
Go dikolosa dithaere ke kgang e e masisi e ditlamo dingwe di e atlenegisang, fa tse dingwe di sa bue sepe, mme setlamo sa BMW sona se kgatlhanong le seno. Go dikolosa dithaere ka go isa tse di kwa pele kwa morago mme tsa kwa morago di isiwa kwa pele go lekalekanya konalo, fela kwa bokhutlong gona, dithaere di tshwanetse go fetolwa ka nako e le nngwe fela, mme seno se tlhotlhwa godimo tota.
Mojule ono o tla re naya tshono ya go lebelela Molaotheo wa Bosetšhaba wa indaseteri le ka moo melaotheo ya selegae e baakantsweng ka gona go tshegetsa maikemisetso a Khansele ya Bosetšhaba.
Seno se akaretsa seemos e se lebisitseng kwa kgolong e e boitshegang ya Indaseteri ya Dithekesi ka dingwaga tsa bo1980, e e nnileng ona motheo wa Maatlafatso ya Ikonomi ya Bantsho ka nako eo. Megopolo ya go se kgathalele tlamelo ya ditirelo tsa bantsho e ne ya dira gore indaseteri e tlhoke taolo, e nne le bagwebi ba bantsi, e nne le matlotlo a a kwa tlase mme e aparelwe ke dikgotlhang, matshosetsi gammogo le go ja ntsoma.
Maikemisetso magolo a Khansele ya Bosetšhaba ya Dithekesi ya Aforika Borwa (SANTACO) ke go tlhama indaseteri ya dipalangwa ya dithekesi e e se nang tirisodikgoka, e kopane, e tsamaisiwa ka tsela ya temokerasi mme e ikanyega le go nna bokgoni, gape e direla setšhaba ka mofuta o o babalesegileng mme o se tlhotlhwagodimo wa dipalangwa, go lebeletswe mekgatlho yotlhe e e mo indasetering ya dithekesi.
Ntlha eno ya Molaotheo e lebeletse bogolo, seelo le kemedi ya indaseteri mo magatong otlhe.
Go batla maikutlo le go gwetlha puso kwa magatong otlhe.
Kgokaganyo ya megopolo ya ditokololo tsa yona mo mererong ya indaseteri le go emela dikgatlhego tsa ditokololo tsa yona kwa ditheong tsa selegae, kgaolo, porofense, bosetšhaba, kontinente le boditšhabatšhaba.
Go tlamela ditokololo tsa yona ka tirelo ya tsamaiso e e bokgoni, ka maikarabelo, e se bofitlha mme e le ya seporofešenale.
Go kwadisa ditokololo tsa dithekesi, badiri le mekgatlho ya dithekesi.
Go emela indaseteri ya dithekesi gongwe le gongwe le nako nngwe le nngwe fa go tlhokega.
Karolo eno e lebeletse ka botlalo, ponelopele ya ikonomi ya Khansele malebana le kagosešwa.
Go rotloetsa maatlafatso ya ikonomi ya bantsho mo indasetering ya dipalangwa.
Go fetola megopolo ya beng ba dithekesi tsa diminibese le badiri gore ba lemoge gore go na le ditshono tse dingwe di le dintsi mo indasetering ya dipalangwa.
Go rotloetsa tirisanommogo magareng ga mefuta e e farologaneng ya dipalangwa.
Go fetola indaseteri ya dipalangwa go nna le seabe se segolo le motlamedi wa dipalangwa go ya ka ditlhokego tsa tiro tse di fetogang mo diindasetering tsa Dipalangwa le tse di tsamaelanang natso mo Borwa jwa Aforika.
Diabe tse di tlhalositsweng fano di tlhagisa ka tlhamalalo go kgathalela batho le tikologo.
Go netefatsa gore indaseteri ya dithekesi ya dikhombi e nna le seabe se se botlhokwa mo pabalesegong ya mo tseleng gammogo le go rorwa ga batho ka tsela e e babalesegileng le ka maikarabelo.
Go rotloetsa go dirwa le go dirisiwa ga didiriswa tse di sa utlwiseng tikologo botlhoko mo tlamelong ya ditirelo tsa dipalangwa gore go nne le phokotsego ya modumo, tiriso e e botoka ya ditlamelo tsa tlholego gammogo le phokotsego ya kgotlhelego ya mowa le metsi.
Go netefatsa gore ditokololo tsa yona di lemoga le go tlhaloganya gore di amega mo go tlameleng tirelo ya setšhaba e e nang le ditlamorago tse di bonalang tsa dikgatlhego tsa setšhaba mme ka jalo ba tshwanetse go dira ka mokgwa o o bontshang maikarabelo.
Go ruta setšhaba ka ga pabalesego ya mo tseleng gammogo le dikgato tse dingwe tsa pabalesego.
Seabe se se supilweng fano se supa kgotlhelelo e SANTACO e tla nnang le yona gore e kgone go tshegetsa ditshwanelo le ditshiamelo tsa ditokololo tsa yona.
Go tlhama melao le melawana ya go tsamaisa indaseteri ya dipalangwa ka pabalesego, tshwanelo le ka bokgoni.
Go simolola, rotloetsa le go sekaseka ka maikaelelo a go aga le go ganetsa melao gongwe dipaakanyo gongwe diphetolo mo molaong, tiro gongwe thulaganyo e e amang indaseteri ya dithekesi.
Go iletsa mekgwa le ditiro tse di dirwang go kgoreletsa gongwe go gataka ditshwanelo le ditshiamelo tsa indaseteri ya dithekesi le ditokololo tsa yona.
Go tsaya botokololo gongwe go sa nneng jalo, go dirisana le bothati jo bo maleba mo Rephaboliking ya Aforika Borwa gongwe kwa ntle ga yona, mo dikgatlhegong tsa indaseteri ya dipalangwa tsa botlhe.
Setheo jaaka "motho wa molao" yo o kwadisitsweng jaaka Setlamo sa karolo ya 21.
Le maitlamo a go dirisa temokerasi le kgodiso ya baagi ba ba sa bolong go ikgatholosiwa mo indasetering ya dipalangwa tsa botlhe.
Karolo eno ya molaotheo e lebelela dintlhatheo tse di farologaneng tse di swetsang ka Popegotheo, botokololo, melao le melanwana, dikgwebo, maitsholo le maikarabelo a dikonteraka a SANTACO.
Ditshwanelo le maikarabelo le dikgato tsa kgalemo ke dingwe tsa dintlha tse di lebelelwang mo karolong eno.
Karolo eno e lebelela popegotheo ya tatelano mo setlamong.
Setshwantsho se se fano se bontsha dikgato tsa tshusumetsano. Ditiro le maikarabelo a a farologaneng a dikarolwana le batho di tlhalosiwa mo dikarolong tse di farologaneng.
Karolo eno e lebelela ditlolomolao tse di farologaneng le dikgato tsa kgalemo tse di tla tsewang kgatlhanong le batho.
Tiro eno e lebelela Dikgaolo tse dingwe ka fa tlase ga dintlhatheo mme gape le bokao jwa sekano sa Khansele.
Karolo eno ya Molaotheo e lebelela dipholesi le dipopegotheo tse di direlang go fitlhelela ponelopele le maikemisetso a SANTACO.
Lemoga maikemisetso le popego ya Molaotheopotlana o o kannweng wa Mekgatlho ya Dithekesi.
Mokgatlho wa Dithekesi wa Selegae o tla dirwa ke bonnye ditokololo di le 30 tse di nang le tshiamelo ya botokololo go ya ka Molaotheo wa Mokgatlho oo wa Selegae. Mokgatlho wa Selegae o ka nna fela le ditokololo tse di ka fa tlase ga 30 morago ga go sena go dirwa kopo le go amogela thebolo ya tumelelo e e kwadilweng ya Komititsamaiso ya Porofense ya Khansele ya Dithekesi ya Porofense.
Go tla lemogwa fela Mokgatlho wa Selegae o le mongwe go ya ka lefelo le le kgaogantsweng. Go ka ikgatholosiwa molao ono morago ga go sena go dirwa kopo le go amogela thebolo ya tumelelo e e kwadilweng ya Komititsamaiso ya Porofense ya Khansele ya Dithekesi ya Porofense ka tshwaragano le Komitikhuduthamaga ya Bosetšhaba ya SANTACO.
Leina le nomoro ya kwadiso ya Mokgatlho le dintlha tsa boselegae.
Dikopano tsa komitikhuduthamaga.
Buisa le go sobokanya diteng tsa dintlhatheo tse di latelang tse di tlhagisitsweng mo Molaotheong wa SANTACO.
Potso 1. A tiro e e latelang ke nngwe ya maikemisetso a a tlhalositsweng a mokgatlho?
Go netefatsa gore ditokololo di dira mo taolelong ya dilaesense tsa tsona tsa tiro le mo molaong ka kakaretso?
Potso 2. Tokololo ya Komitikhuduthamaga e tshwanetse go nna mo kantorong sebaka se se kana kang mme gona a o ka tsenela go tlhophiwa gape?
Potso 4. Seabe sa Komiti ya Tsamaiso ke sefe mo Katisong le Tlhabololo mme gona ke ditokololo di le kae tse di tshwanetseng go nna mo komiting eno?
Potso 5. Tlhalosa seemo se le sengwe se mo go sona botokololo bo ka khutlisiwang.
Potso 6. Ke ditokololo di le kae tse di dirang khoramo fa go na le Kopanokakaretso ya ngwaga le ngwaga?
Potso 7. Tlhalosa thulaganyo ya go tlhopha kwa Kopanokakaretsong e e kgethegileng.
Potso 8. Ke ditokololo di le kae tse di tshwanetseng go nna le seabe mo go bulweng ga Akhaonte ya Banka ya mokgatlho?
Potso 9. Ke ditokololo di le kae (%) tse di tshwanetseng go nna gona gore go dirwe tshwetso ya go phatlhalatsa Mokgatlho?
Mojule ono o ka ga go tlhaloganya Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi.
Tlatsa tiro e e tshwanang e e tla go gakololang gore popegotheo ya Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi le ka ga eng.
Maikaelelo a kitsiso eno ke go go tlamela ka lemorago le le tla go kgontshang go latela dipuisano le dipopego tse di nang le seabe mo thutong le katiso.
Fano, re tla go itsese ka boripana, dipopegotheo tse di farologaneng le ditsela tse di tlhomilweng go netefatsa gore go nna le thuto le katiso ya boleng.
Ka jalo, go latela motheo o re tla o dirisang jaaka motswedi fa re ntse re tsweletse go lebelela Dimojule tsa 6, 7 le 8.
Bontsha go tlhaloganya gore Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi le akantswe jang le gona goreng le ne la akanngwa.
Thadisa lenaane la ditiro tsa di-SETA le TETA mo thulaganyong ya tlhabololo le taolo.
Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi ke mokgwa o montšhwa wa thuto le katiso. Le go tlamela ka tshono ya go ithuta, go sa kgathalesege gore o bogolo jo bo kae, maemo a gago le seemo sa thuto le katiso e o kileng wa e bona. Seno se bidiwa thuto ya botshelo jotlhe. Letlhomeso la Bosetšhaba le kopanya maphata a thuto a a sa bolong go aroganngwa. Seno se bidiwa mokgwa o o kopaneng wa thuto le katiso. Thuto e tsewa jaaka lephata la go ithuta moo o ikungwelang kitso. Katiso e tsewa jaaka lephata la go ithuta moo o ikungwelang bokgoni.
Mo pakeng ya 1989 - 1994, COSATU, bathapi, batlamedi ba thuto le katiso, mokgatlho wa ANC le Tikwatikwe ya Tlhabololo ya Pholesi ya Thuto, ba ne ba simolola go lebelela ditsela tsa go tokafatsa thuto le katiso mo Aforika Borwa.
Ka Moranang wa 1994, go ne ga tlhomiwa setlhopha sa tiro se se neng se dirwa ke ditokololo tsa Boto ya Bosetšhaba ya Katiso, dikgwebo, mekgatlho ya badiri, mmuso le batlamedi ba thuto le katiso. Morago ga dikopano di le dintsi, dingangisano le dipegelo, go ne ga tlhagisiwa lekwalo la dipuisano le le neng le bidiwa Maiteko a Togamaano ya Katiso ya Bosetšhaba . Le ne le akaretsa ditshitshinyo tsa go tswala sebaka magareng ga thuto le katiso. Katlenegiso e kgolo e ne e le ya go tlhama Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi.
Ngwaga morago ga moo, lekwalo la puso la pholesi e leng Pampiritshweu ya Thuto le Katiso ya 1995, le ne la tlhagisa dintlha ka ga Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi le Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa jo bo itsegeng ka SAQA. Molao wa Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa (Molao wa bo58/1995) o ne wa fetisiwa ka la 4 Diphalane 1995. Molao ono o naya Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa maatla a go tlhoma le go tlhokomela Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi.
Ee! Diphetogo di bontsha dintlhatheo tse di tla kaelang tiro e e ka ga tlhabololo ya Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi go lemoga ponelopele ya tlhabololo ya badiri, phitlhelelo, tekatekano le tshiamiso.
Nta re go neye dikai di se kae tsa dintlhatheo tseno gore o kgone go tlhaloganya botlhokwa jwa Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi.
Seno se kaya gore seemo le borutegi jo bo tlhomilweng ke Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi di tla lemogwa le go amogelwa bosetšhaba le boditšhabatšhaba.
Le kopanya thuto le katiso. Ka mokga ono o kgona go nna le motsamao o o bonolo go tswa mo lefelong le lengwe la thuto go ya go le lengwe.
Ka Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi, o ka nna le temogo ya thuto e e diragetseng e ka nna mo seemong se se fomale gongwe se se seng fomale. O tla tlhatlhobiwa mo go se o se ithutileng mme o bewe mo legatong le le maleba la thuto le katiso.
Tshepo o dirile mo faboriking ya dipente dingwagangwaga e le motlhokomedi. O ne a romelwa kwa dikhosong di le mmalwa tse dikhutshwane tsa tsamaiso ya badiri mme o na le ditifikeiti dingwe. O dirile dikopo di le mmalwa tsa tiro mme a bolelelwa gore ditifikeiti tsa gagwe ga di tsewe tsia.
Mo Letlhomesong la Bosetšhaba la Borutegi, maitemogelo a ga Tshepo mo tsamaisong ya badiri gammogo le dikhoso tse di khutshwane tse a di dirileng, di ka tlhatlhojwa, tsa lemogwa mme a fiwa dikeretiti. A ka dira mo lefapheng la tsamaiso ya badiri mo setlamong moo bokgoni jwa gagwe jwa setegeniki gammogo le maitemogelo a gagwe a botlhokomedi, le kgatlhego ya gagwe ya go thusa badiri, di ka dirang gore a tsewe a na le borutegi jo bo mo letlang go dira tiro ya badiri.
Sipho e ntse e le mokgweetsi wa thekesi sebaka sa dingwaga di le nne mo Johannesburg.
Mo leetong la gagwe la bofelo, o ne a amega mo kotsing e e dirileng gore a latlhegelwe ke leoto mme ka jalo a seke a tlhola a kgona go kgweetsa. Fa a ne a sa ntse a kgweetsa, o ne a nna le kgatlhego e kgolo mo dilwaneng tsa motlakase mme go le gantsi o ne a baakanya dilwana le go tsenyetsa batho dilwana tsa motlakase mo matlong a bona. O ne a ithuta go le gontsi.
Go na le go phutha mabogo kwa lapeng a ipolelela gore go fedile ka ena, a ka swetsa go katisiwa jaaka ramotlakase. Go ka tlhatlhobiwa bokgoni jo a bo boneng jo bo ka mo thusang go wetsa khoso mme a ka newa dikeretiti tsa seno.
Dintlhatheo tse dingwe tse di botlhokwa fela jalo le tsona di tlhagisiwa fa tlase ntle le ditlhaloso.
Batla tshedimosetso e nngwe malebana le tsona mme o tla simolola go lemoga mosola wa Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi!
Nka bona mosola jang go tswa mo Letlhomesong la Bosetšhaba la Borutegi?
Ke nna Thabo mme ke na le dingwaga di le 25. Ke dule mo sekolong morago ga go bala Mophato wa 6. Ke mokgweetsi wa thekesi mme ke eletsa go nna mmalatlotlo.
Thabo o tlhoka go tlhagola tsela ya go ithuta gore a kgone go bona borutegi mo benteng ya Thuto le Katiso e e Latelang. Go tla tlhatlhobiwa maitemogelo a gagwe le dithuto tse a di dirileng kgatlhanong le dipoelo tsa thuto le seemo sa tlhatlhobo. Mme jaanong a ka tlhopha lephata le le maleba mo benteng ya Thuto le Katiso e e Latelang mme fa a setse a atlegile mo legatong la 4, a ka tswelela ka tselana ya thuto ya gagwe.
Ke nna Vusi mme ga ke bolo go dira jaaka motsamaisi wa maboriki mo indasetering ya boenjiniri dingwaga di le mmalwa. Bathapi ba me ba nthometse kwa dikhosong kwa tikwatikweng ya katiso ya setlamo sa rona go tokafatsa bokgoni jwa me mme ke amogetse ditifikeiti. Ga jaana setlamo sa rona se rulaganngwa sešwa mme ke tshogile gore go ka nna le kgaolo ya badiri. Ke eletsa go dira dikopo tsa diphatlhatiro kwa indasetering e nngwe, fela ke boleletswe gore ditifikeiti tsa me di ka seke tsa tsewa tsia. Ke eletsa go dira ka diatla, e ka nna jaaka fitara gongwe thenara. A go tla lebelelwa bokgoni le kitso ya me, a gongwe ke tla tshwanelwa ke go simolola sengwe le sengwe kwa tshimologong?
Mo Letlhomesong la Bosetšhaba la Borutegi, dikeretiti tsa ga Vusi di tla kwadisiwa mo rekotong ya gagwe ya thuto. O tla kgona go fetisetsa tse di maleba mo tirong e ntšhwa gongwe mo seemong se sentšhwa sa go ithuta. Ka dikeretiti tseno tse di tsewang tsia, a ka tswelela ka tselana ya ga gagwe ya ga jaana ya thuto mo indasetering e nngwe gongwe a tlhopha tselana ya go ithuta gore a rutege go ka dira ka diatla.
Batho ba suta jang go ralala magato a a farologaneng?
O tla bona jang borutegi jwa gago?
Dira gore mafoko a a mo kholomong A a tsamaelane le megopolo/dipolelo tse di mo kholomong B. Kwala nomoro e e mo Kholomong A le tlhaka e e tsamaelanang nayo mo Kholomong B.
O ka baya batho ba ba latelang fa kae mo popegong ya Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi?
b Caroline yo o nang le dingwaga di le 35 mme a dule mo sekolong morago ga Mophato wa 6 Kereiti 8?
c Mokgweetsi wa thekesi yo o falotseng Mophato wa 8 Kereiti 10 mme a batla go tswelela pele go ithuta d Mokgweetsi wa thekesi yo o weditseng lekwalo la matiriki mme a batla go ithuta kwa Thekenikhoneng.
O eletsa go nna fa kae mo popegong ya Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi?
A go kgonega gore o tokafatse borutegi jwa gago fa o ntse o le mokgweetsi wa thekesi?
TETA e tlamela ka eng se se tla nthusang go tokafatsa borutegi jwa me?
Sipho o dira mo lebakeng. O tlogetse sekolo fa a fetsa Mophato 8 (Kereiti 10) go tlamela lelapa la gaabo. O eletsa go nna mmalatlotlo fela ga a na bonnete jwa gore a o tla kgona tshwanela kwa go boela sekolong. O setse a iponetse maitemogelo a mantsi mo tirong ya go bobalatlotlo fa a ntse a dira kwa lebakeng.
Karabo ya bothata jwa ga Sipho e ka rarabololwa go ya ka popego ya Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi.
Go tla tlhatlhobiwa pele thuto ya pele ya ga Sipho go bona gore o itseng le gore a ka kgona go dira eng.
Fa a ka bontsha gore o na le bokgoni, gona a ka simolola tselana ya borutegi e e tla mo lebisang ka tlhamalalo kwa boruteging jo a bo itlhophetseng.
A ka nna a seke a tlhoka go boela kwa sekolong gotlhelele mme a a ka nna le dikeretiti di le mmalwa tse di lemogwang gore a bone borutegi jwa gagwe jwa bobalatlotlo.
Thuto ya pele e kaya eng?
Tlhatlhobo ke eng?
Dintlhatheo tsa Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi.
Lefoko ntlhatheo le kaya eng?
Mojule ono o ka ga eng?
Mojule ono o malebana le go tlhaloganya gore Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa jo bo itsegeng ka SAQA bo simologile jang, dipopegotheo le dipopegotheo-potlana tse di mo bothating, tse bo ikarabelang ka tsona le gore ditiro tsa jona ke dife.
Mojule ono gape, ka ditiro tse di newang, o tla kgona go bontsha ka moo go dirwang dimateriale le borutegi ka gona gammogo le dikgato tse di tsewang go netefatsa gore go tlamelwa ka boleng.
Bontsha go tlhaloganya dipopegotheo le dithulaganyo tse di rulaganyeditsweng go netefatsa gore go tlamelwa ka mananeo a boleng a bokgoni, Seemo sa mophato le borutegi.
Go sekaseka lenaneo la tekeletso le le rulagantsweng le go tlhagisiwa sešweng jaana la katiso ya bakgweetsi gore re kgone go lekanyetsa dintlha tsa boleng le dikgato tse di tserweng fa go akanngwa le go tlhagisiwa lenaneo.
Go bontsha go tlhaloganya dikgato tse borutegi gongwe seemo sa mophato se dirilweng ka gona go netefatsa gore go ikobelwa seemo se se amogelesegang le ditlhokego.
Mo Mojule 6 re lemogile gore ke ka ntlha ya eng le gore Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi le tlile jang. Ga re a bua sepe ka gore le tla tsamaisiwa le go laolwa jang.
Go nna le seabe mo tlhabololong ya moithuti mongwe le mongwe gammogo le ya tlhabololo ya loago le ikonomi ya setšhaba.
Go tlhomamisa ditheo tse di nang le maikarabelo a go tlhokomela le go runa diphitlhelelo go ya ka seemo le borutegi jwa go nna jalo.
C Go gakolola Tona mo mererong e e amang go kwadisiwa ga seemo le borutegi.
Seno se lebeletse batho ba ba farologaneng ba ba nang le kitso ya boitseanape mo maphateng le ba ba supilweng ke mekgatlho e e rileng ya bosetšhaba gongwe ba supilwe ke Mokaedi Kakaretso, Boto ya Bosetšhaba ya Katiso, porofešene e e rulaganeng ya borutabana, Dithekenikone le di Yunibesithi, mekgatlho ya badiri, gammogo le ditokololo tse di thapilweng ke Tona.
Ga go tlhokege gore re tlhalose dintlha tse di ka ga merero e e latelang e e fitlhelwang mo Molaong.
Ditlamelo tsa kgabaganyo tse di malebana le ditheo tse di ntseng di le gona.
Tlhabololo ya borutegi, seemo sa mophato le mananeo.
Dirisa lenaane la go tlhola ka fa tlse go bona gore a o ka kgona go supa maikemisetso a go itsese Molao.
Tshwaya lebokoso le o akanyang gore le nepagetse.
Tiro e e latelang e diretswe gore o kgone go tlhaloganya dipopegotheo gongwe dikgato tse di tshwanetseng go dirisiwa fa go tlhamiwa mananeo a go ithuta go tswa mo seemo sa mophato gongwe borutegi.
O tla dirisa mafoko a o tlametsweng ka ona go tlatsa setshwantso se se go bontshang dikgato tsa go tlhama Mananeo a Go Ithuta a a amogelesegang.
O batla go dira khoso ya go kgweetsa seporofešenale.
Badiri ba ka tlhama popegotheo ya kgaolo mme ba ikwadisa e le setlamo.
Leano la Bokgoni la Tiro le saeniwa ke baemedi ba badiri le setlamo.
Popegotheo ya Kgaolo e ka thapa Mogokaganyi wa Tlhabololo ya Bokgoni.
Leano la Tlhabololo ya Bokgoni la Kgaolo le ka tlhagisetsa TETA Leano la Bokgoni jwa mo Tirong.
TETA e tlhomamisa Motlamedi.
Mo Mojuleng ono re ya go batlisisa gore Melao eno e dira jang gore go kgonagale gore katiso le tlhabololo di tlamelwe ka matlole kwa ditirong.
Bontsi jwa banni le seabe mo indasetering ya Dipalangwa ba amogetse molao wa tlhabololo ya bokgoni mme ba dirile tlhabololo ya bokgoni go nna karolo ya botlhokwa ya maano a bona a kgwebo.
Ka jalo re tla sekaseka dintlha tse di maleba tsa Melao eno go leka go go lemosa ka dikgato tse di tsewang go tlhama maano a bokgoni kwa ditirong le ka moo mothapi a ka ungwang mosola ka gona ka go nna le seabe.
Dira lenaane la ditiro/ dikgato tse di tshwanetseng go tsewa ke TETA go netefatsa gore go tsenngwa tirisong leano la bokgoni la lephata le le mo letlhomesong la leano la Tlhabololo ya Bosetšhaba ya Bokgoni.
Tlhalosa Leano la mo Tirong la Bokgoni go bontsha botlhokwa jwa go loga maano ka tshwaragano magareng ga mothapi le modiri.
Tlhalosa maikemisetso a Molao le go latelelela ditsela tse maikemisetso ano a ka fitlhelelwang ka gona.
Maikemisetso ano a tla fitlhelelwa jang?
a makgethwana a tlhabololo ya bokgoni a a kolekiwang go tswa mo lephateng la yona lebelela setshwantsho mo tsebeng e e latelang b dithuso tsa tšhelete, dikabelo le boswa jo e bo bo abetsweng c letseno le le bonwang ka ntlha ya tirelo e e dirilweng d letseno le le bonwang mo mading a tlaleletso a a beeleditsweng j.j.
Tšhelete e e amogelwang ke SETA e ka dirisediwa fela go ya ka mokgwa o o rebotsweng le go dira ditiro tsa yona le go duelela tsamaiso mo dipeelong tse di beilweng.
Mo maitekong a go tsenya tirisong katiso ya bokgoni mo mafelong a tiro le go fokotsa mokgweleo wa ditshenyegelo tsa katiso, go itsisitswe tsamaiso ya lekgethwana go rotloetsa ditlamo go nna le seabe.
Ditlamo di tla tshwanela go fitlhelela ditlhokego tse di rileng tsa go amogela dithuso tsa ditšhelete tse di tshwanetseng go rebolwa. Badiri ba SETA ba tla dirisa ditlhokego tseno fa ba sekaseka Maano a mo Tirong a Bokgoni.
Kwadisitseng Mogokaganyi wa Tlhabololo ya Bokgoni yo o thapilweng morago ga go batla maikutlo a badiri gongwe baemedi ba bona.
Tlametseng SETA ka tshedimosetso yotlhe e e maleba tebang le Mogokaganyi wa Tlhabololo ya Bokgoni go ya ka foromo e e rebotsweng.
Tšhelete ya thuso e ka lekana le bokana ka % ya makgethwana a a duetsweng ke mothapi mo ngwageng o o wa ditšhelete.
Tšhelete ya thuso e ka lekana le bokana ka % ya makgethwana a a duetsweng ke mothapi mo ngwageng o o wa ditšhelete.
Lebelela foromo ya tumelano ya boithutelatirong le go tlhaloganya maikemisetso a go itsese boithutelatirong.
Molao le boithutelatirong.
Molao o lebelela gore goreng boithutelatirong bo ne bo tshwanetse go tlhamiwa le gore go tshwanetse go tlhamiwa, kwadisiwa le go tsamaisiwa jang.
Boithutelatirong bo tla akaretsa karolo e e rulagantsweng sentle ya go ithuta e e akaretsang maitemogelo a mo tirong ya mofuta le sebaka se se totobaditsweng.
Boithutelatirong bo tla lebisa kwa boruteging jo bo kwadisitsweng ke SAQA mme bo le malebana le mofuta wa tiro.
Mothapi le motlamedi wa katiso.
E tladiwa mo foromong e e rebotsweng mme e kwadisiwa le SETA ka mokgwa o o rebotsweng.
Fa tlase go na le polelo ya tshobokanyo ya Molao.
Buisanelang dipotso tse di latelang tse di ikaegileng ka tshobokanyo le tshedimosetso e e fitlhelwang mo dikgaolong tse di maleba tsa Molao, mo setlhopheng sa lona, mme le leke go araba dipotso tse di latelang.
Dirisa tshedimosetso e e mo Molaong ka fa tlase ga dikgaolo tse re go romelang kwa go tsona.
Naya mabaka a le mararo a gore ke eng go le botlhokwa go tlhabolola bokgoni jwa Badiri ba Aforika Borwa.
Tlhagisa mabaka a mangwe a le mane a gore ke eng go ne ga itsesewe Molao ono.
Tlatsa mabokoswana a fa tlase go bontsha kamano magareng ga Bothati jwa Bosetšhaba jwa Bokgoni le SETA.
Dira tshobokanyo ya ditiro tsa maphata ano a mabedi.
Tlhagisa tshobokanyo eno mo go botlhe ba ba nang le seabe mo setlhopheng.
Boithutelatirong ke eng...
A go na le mananeo a Boithutelatirong mo indasetering ya Dithekesi..?
Fa karabo e le Ee, ke afe..?
Fa karabo e le Ee, o ka a fitlhelela jang..?
Ke maphata afe a a tshwanetseng go saena tumelano ya boithutelatirong?
Mananeo a Bokgoni ke eng (Buisa tshedimosetso (tsebe 15) mme o kwale thanolo ya setlhopha sa gago)..?
Katiso ya mananeo a bokgoni e tlamelwa jang ka ditšhelete..?
SETA e tsaya kae tšhelete ya go tlamela mananeo ano?
Ke mang yo o rweleng maikarabelo a go thadisa leano la bokgoni la mo tirong Lebelela 3.4 Yuniti 3 Kgaolo 2 ya Manyuale..?
Mo lenaaneng le le fa tlase, tlhopha ditiro/dikgato tse di tshwanetseng go diragadiwa ke SETA go netefatsa gore go tsenngwa tirisong leano la bokgoni la lephata le le mo letlhomesong la togamaano ya bosetšhaba ya tlhabololo ya bokgoni.
Go thadisa Leano la Bokgoni la mo Tirong.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Motseletsele wa papatso o monnye wa balemirui.txt</fn>
Difantisi tsa leruo ke mokgwa o o botlhokwa wa go bapatsa leruo.
Difantisi tsa leruo di atametsa bareki le barekisi gangwe le gape le kwa mafelong a togamaano.
Baamedi ba papatso ba rulaganya difantisi tsa Leruo go iponela madi.
Diphologolo di rekisiwa di santse di tshela.
Ditlhwatlhwa tsa leruo ka gale di kwa godimo go simolola ka Diphalane go fitlha ka Sedimonthole mme di kwa tlase go simolola ka Ferikgong go fitlha ka Mopitlwe.
Ditlamo tsa fantisi ya leruo di rebola dialemanaka tse di nang le tshedimosetso e e jaaka matlha le mafelo. Dialemanaka di fitlhelwa kwa masakeng a fantisi ya leruo.
Dirisa serori se se siameng go rwala.
Legora la tshipi le tlile go thibela diphologolo go tlolela kwa ntle e bile le letla mowa o o phepa.
Tila go pitlagana.
Tshola serori se le phepa.
Tshola setifikeiti sa go tlosiwa ga diphologolo mo seroring. Sona se ka boniwa kwa seteišeneng sa lona sa selegae sa maphodisa.
Fokotsa ditshenyegelo tsa thwalo, kokoanya barui ba bangwe ba leruo go bapatsa leruo la gago.
Fa thebolo e feta topo, tlhwatlhwa e a fokotsega. Fa thebolo e le kwa tlase ga topo, tlhwatlhwa e a oketsega.
Tshedimosetso ka ga matlha le mafelo a difantisi tsa Leruo e fitlhelwa mo alemanakeng kwa masakeng a fantisi.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Musiamo wa Robben Island.txt</fn>
Sekolo sa Dikgakologo ke porojeke e e tsamaisiwang ke Lefapha la Thuto la musiamo wa Robben Island. Ke lanane la malatsi a a 7 la ngwaga le ngwaga go nniwa kwa teng. Tiragalo e e simolotse ka 1998, mme e ngokile badiragatsi go tswa Aforika Borwa, Namibia le UK. Sekolo sa Dikgakologo ke karolo ya togamaano ya "Robben Island on The Move" e e ikaeletseng go tsweletsa setlhaketlhake jaaka lefelo la go tsweletsa go ithuta le thuto. Ka nako ya tsweletso ya lenane badiragatsi ba kampana le mabaka a a amanang le setso le ngwao-boswa. Gape le tlamela tshedimosetso ka ga boiphediso mo lephateng la ngwao-boswa.
Thitokgang ya Sekolo sa Dikgakologo ke "Motswedi wa Kitso" se se kayang "Boitumelelo Kitso". Ka thitokgang e badiragatsi ba sekaseka mekgwa e e farologaneng e kitso e bonwang ka yona, le gore batho, ditiragalo tsa botlhokwa tsa setšhaba, mafelo, le dikumo tse di dirilweng ka matsogo di tlotliwang le go itumelelwa. Gape thitokgang ke mokgwa wa go sekaseka maemo a a farologaneng a kgang ya Robben Island. Ka go lemoga maemo, badiragatsi ba rotloediwa go akanya ka ga kgolagano e e nang nayo le setšhaba, batho, mafelo, dilo le ditiragalo.
Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Loleme lwa ga Mme le ikaeletse go tsweletsa dipharologano tsa puo le thuto ya dipuo tse dintsi le temoso ya dipuo le ditso go ikaegilwe ka kutlwisiso, boitshokelano le dipuisano.
Gompieno bokana ka dipuo di le 6000 kgotsa go feta tse di buiwang mo lefatsheng di mo kotsing. Go feta dingwagakgolo di le tharo tse di fetileng, dipuo di sule le go nyelela ka lebelo le le gakgamatsang. Bonnyane bokana ka dipuo di le 3000 di mo kotsing kgotsa kgotsa di a swa mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe.
Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Loleme lwa ga Mme, le le ketekiwang ka la 21 Tlhakole ngwaga le ngwaga go ralala lefatshe, le ne la kgakolwa kwa kopanong ya khonferense ya kakaretso ya UNESCO ka 1999, mme le ne la katekwa ka la 21 Tlhakole 2000 lekgetlho la ntlha.
Ka motlha wa kgethololo mo Aforika Borwa letsatsi le le ne le itsege jaaka Letsatsi la Sharpville, mme le fa e se karolo ya malatsi a boikhutso a setšhaba ka motlha oo, ditiragalo di ne di gakologelwa ke mekgatlho e e kgatlhanong le kgethololo.
Molaotheo o mošwa wa Aforika Borwa o tlamela tshiamelo ya go tlhomiwa ga Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa (SAHRC) e maikaelelo a yona e leng go tsweletsa tlotlo ya ditshwanelo tsa botho, go tsweletsa tshireletso, tlhabololo le phitlhelelo ya ditshwanelo tsa botho mo Aforika Borwa. SAHRC e kgakotswe ka la 21 Mopitlwe 1996, dingwaga di le 35 morago ga ditiragalo tse di botlhoko tsa 21 Mopitlwe 1960 fa badiraditshupetso ba ne ba thuntshiwa ke mapodisi.
Molao o o Tlhabolotsweng wa Bantsho wa 1952 o ne wa atolosa taolo ya Mmuso mo metsamaong ya Ma-Aforika go ya kwa dikgaolong tsa metsesetoropo, le go phimola tiriso ya Dipasa (lokwalo lo Ma-Aforika a neng a patelesega go le tshola mo go bone "go supa" gore ba ne ba letleletswe go tsena mo dikgaolong tsa "basweu") mme ba dirise bukana ya boitshupo e e neng e tshwanetse go tsholwa ke Ma-Aforika otlhe ka dinako tsotlhe. Go retelelwa ke go ntsha bukana ya boitshupo fa e batliwa ke lepodisi e ne e le tlolomolao. Go sale gale ka 1960 makoko a ANC le PAC ka bobedi a ne a itsise matsholo kgatlhanong le Melao ya Dipasa.
Ka la 21 Mopitlwe 1960 bagwanti ba ne ba kopana kwa seteišeneng sa mapodisi sa Sharpville kwa ba neng ba fisa dipasa. Go ne ga tsoga tlhakatlhakano. Bontlhabongwe jwa legora la terata le ne la digiwa go letla matshutitshuti go gwantela kwa pele. Mapodisi a ne a thuntsha, kwa ntle ga go newa taelo e e reng ba thuntshe. Go ne ga bolawa batho ba le masomethataro-robongwe, mme ga gobadiwa ba ba lekgolo le masome a robedi.
Beke morago ga moo Ma-Aforika a le 30 000 a ne a gwanta go tswa kwa Langa go tsena ka Motse Kapa ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Phillip Kgosana. O ne a rerisanela go etelela badiraditshupetso pele go tswa ka toropo fela fa Tona ya Bosiamisi a ka solofetsa go buisana nae. O ne a diragatsa tsholofetso ya gagwe, fela o ne a tshwarwa fa a boetse morago tebang le peelano.
Gompieno, letsatsi la 21 Mopitlwe le itsege jaaka Letsatsi la Ditshwanelo tsa Botho, mme ke lengwe la malatsi khunologo ya semmuso mo alemanakeng.
Letsatsi la Kgololosego ke sesupo sa ditlhopho tsa ntlha tsa demokerasi mo Aforika Borwa ka la 27 Moranang 1994. Le ke letsatsi le ka lone batho botlhe ba boutetseng palamente e le nngwe. E ne e le lekgetlho la ntlha bantsho ba Aforika Borwa ba neng ba kgona go boutela baeteledipele ba naga ya bone.
ANC African National Congress e e neng e ileditswe dingwaga tse dintsi mo Aforika Borwa e ne ya bona phenyo e e kwa godimo. Nelson Rolihlahla Mandela yo o neng a ntse kwa kgolegelong dingwaga di le 27 ka ntlha ya ditumelo tsa gagwe tsa sepolotiki, o ne a tlhophiwa go nna Poresidente ya ntlha ya Aforika Borwa e ntšhwa.
Letsatsi la Kgololosego ke letsatsi le le kgethegileng mo matshelong a Ma-Aforika Borwa. Ke segopotso sa kgololosego ya Aforika Borwa morago ga dingwaga tse dintsi tsa kgethololo le kgatelelo.
Motsheganong 1, Letsatsi la Badiri Boditšhabatšhaba ke la keteko ya histori ya kgaratlho ya badiri lefatshe ka bophara, mme le amogelwa mo nageng nngwe le nngwe ntle le Dinaga tse di Kopaneng le kwa Canada. Seno se diragala le fa letsatsi le la boikhutso le simologile mo dingwageng tsa bo 1880 kwa Dinageng tse di Kopaneng.
Letsatsi la Ntlha la Motsheganong, ka 1886 e ne e le boikuelo jwa go dira diura di le robedi ka letsatsi mo ditoropong tse dintsi tsa Amerika. Jaanong le golaganngwa thata le Haymarket Martyrs. Bomo e e neng ya latlhelwa ke motho yo o sa itsiweng kwa kopanong (raling) ka la 4 Motsheganong 1886 Sekwaereng sa Haymarket kwa Chicago, e ne ya bolaya lepodisi le le lengwe. Le fa go se kile ga tlhamamisiwa gore ke mang yo o latlhetseng bomo, tiragalo eo e ne ya dirisiwa jaaka seipato sa go tlhasela botlhe ba ba ka fa Molemeng le mekgatlho ya badiri. Mapodisi a ne a phuruphutsa magae le diofisi tsa babelaelwa, mme makgolokgolo a ne a tshwarwa ntle le tatofatso. Badiradikhuduego egolo setonna ba ne ba bogisiwa, mme ba ba robedi ba kwa Chicago ba ne ba latofadiwa ka go loga maano a go bolaya. Botlhe ba le robedi ba ne ba bonwa molato ke kgotlatshekelo ya mo mmileng, le fa go ne go se na bopaki jo bo ba golaganyang le motho yo o latlhetseng bomo (a le mongwe fela ke ena a neng a le teng ka nako ya kopano, mme o ne a le mo serepuding sa mmusakgotla) mme ba ne ba atlholelwa loso. Ba le bane ba ne ba kalediwa ka Ngwanatseele 11, 1887. A le mongwe o ipolaile kwa kgolegelong. Ba ba neng ba setse ba le bararo ba ne ba itshwarelwa ka 1893.
Letsatsi la Motsheganong le tsweletse go gola gongwe le gongwe mo lefatsheng, mme go bonwe mekgatlho e mentsi ya badiri e keteka letsatsi le.
Badiri ba tshwanetse go amogela le go keteka Letsatsi la Motsheganong e seng fela go le ketekela botlhokwa jwa lone jwa histori, fela le go le dirisa jaaka tšhono ya go rulaganya mabaka a a botlhokwa thata a badiri.
Letsatsi le pele le ne le itsege jaaka Soweto Day.
Ka 1975 go ne ga tsoga dingongorego tsa boipelaetso kwa dikolong tsa Ma-Aforika morago ga gore go tswe taolo kwa Lefapheng la Thuto ya Bantsho gore seAforikanse se dirisiwe jaaka puo ya go ruta kwa dikolong tsa sekontari. Le gale ntlha e, e ne e ka ga tiriso ya seAforikanse go le kalo, fela e ne e le ka ga thulaganyo yotlhe ya Thuto ya Bantsho e e neng e farafarilwe ke dikolo le yunibesithi tse di farologaeng, didiriswa tse di bokowa, diphaposi tsa borutelo tse di penologang le barutabana ba ba sa itseng go bua seAforikanse.
Ka la 16 Seetebosigo 1976 baithuti ba ba fetang 20 000 go tswa kwa Soweto ba ne ba simolola mogwanto wa boipelaetso. Mo nakong ya thulano le mapodisi le tirisodikgoka e e neng ya latela mo dibekeng tse di mmalwa tse di latelang, tekano ya batho ba ka nna 700, bontsi jwa bona e le bašwa ba ne ba bolawa, mme le dithoto tsa senngwa. Ditiro tsa boipelaetso tsa bašwa di ne tsa anama le naga. Hector Petersen e ne ya nna ena motlhokofatswa wa ntlha. Letsatsi la Bašwa le dirisetswa go gakologelwa ditiragalo tse.
Ka Seetebosigo 1989, Khansele e e Busang ya United Nations Development Fund (UNDP) e atlanegisitse gore letsatsi la Phukwi a tlhola 11 le tsewe ke setšhaba boditšhabatšhaba jaaka Letsatsi la Setšhaba sa Lefatshe. Dingwaga di le 40 fela morago ga 1940 re setse re fitlhile dibilione di le 6. Go feta bilione o le mongwe wa rona re magareng ga dingwaga di le 15 le 24. Ke palo e kgolo ya bašwa e e kileng ya nna teng mo lefatsheng.
Ka letsatsi le go ikaeletswe go tsepamisa megopolo ya setšhaba mo botlhokweng jwa dintlha tse di amang setšhaba, segolo thata tebang le maano a ditlhabololo ka kakaretso, le botlhokwa jwa go bona ditharabololo tsa mathata a setšhaba mo lefatsheng.
Ka Phatwe 9 1956 diketekete tsa basadi ba ne ba gwantela kwa dikagong tsa kopano kwa Tshwane go ngongorega kgatlhanong le Molao wa Dipasa wa kgatelelo. E ne e le mongwe wa meganto ya ntlha ya boidiididi mo historing ya naga e. Maikemisetso a bone go lwantsha thulaganyo e e sa siamang ya kgethololo a ne a tlhagisiwa ke tsekedi e: "Wathintha bafazi, wathint'umbokoto - Wa ama basadi, o kgotlhile semane sa dinotshe."
Letsatsi la Basadi ke tebogo ya tlotlo e e neelwang dimilione tsa basadi naga ka bophara ba maiteko a bone a bogatlamelamasisi a thusitseng mo go tsalweng ga Aforika Borwa o mošwa.
Keteko ya ntlha ya Letsatsi la Ngwao-Boswa e ne e tshwerwe ka la 24 Lwetse 1995.
Botlhokwa jwa letsatsi ke go amogela dintlha tsa setso sa Aforika Borwa tse di ka tshwarwang le tsa di sa tshwarweng ka mabogo. Se se akaretsa tlhagiso ya boitlhamedi, go ja boswa jwa histori ya rona, puo, dijo tse re di jang, gammogo le lefatshe le re nnang mo go lone.
Mmuso o tlhomamisa thitokgang ya meletlo ya ngwaga le ngwaga.
Letsatsi la Barutabana ba Lefatshe Lotlhe le kgakotswe ke Mokaedikakaretso wa pele wa UNESCO, Federico Mayor, kwa Khonferenseng ya Boditšhabatšhaba ka ga Thuto kwa Geneva ka 1994. Letlha la 5 Diphalane le ne la tlhophiwa ka ntlha ya gore ke ka letlha leo ka 1996 mo e leng gore khonferense e e kgethegileng gareng ga mebuso e neng ya rulaganngwa ka kopanelo ke UNESCO le Mokgatlho wa Bodiri wa Boditšhabatšhaba (ILO) , o ne wa amogela itshisinyo e e sa ntsaneng e dira le gompieno tebang le Maemo a barutabana.
Letsatsi la Barutabana le gakolola mebuso le setšhaba ka kakaretso ka ga mosola wa barutabana le tlhokego ya go tokafatsa seriti le maemo a bone a tiro. Gape ke tšhono ya go bontsha ditebogo tebang le tiro e ba e dirang mo paakanyetsong ya setšhaba se tlang go dira sentle mo lefatsheng le le fetogang. Ka letsatsi la go leboga ba ba itlhophetseng go ineela mo tirong ya borutabana, ka kitso ya gore ga se mongwe le mongwe yo o ka rutang sentle - e ka tswa e le mo lifelong le le rulagantsweng kgotsa le le sa rulaganngwang, go sa kgathalesege gore didirisiwa dingwe tsa tiro e di ka nna thata jang, ga di ka ke tsa ema kgatlhanong le kgolagano le motho le go tlhaloganya le tshwetso ya morutabana yo o katisitsweng ka seporofešenale.
Ke moletlo wa mofuta wa one o le nosi kwa Engelane.
Ka letsatsi le ka 1605, setlhopha Bakatolika ba Roma ba lekile go phampholola Dikago tsa Palamente, le mmuso, Kgosi James wa 1, Kgosigadi le morwa'bone. Ba ne ba befedisitswe ke mokgwa o Kgosi a neng a tshwere Bakatolika ka one, mme ba akanya gore Bakatolika ba Maesimane ba tla kgona go thopa bogosi jwa naga fa ba ka bolaya Kgosi, matona a gagwe le maloko a Palamente. Se e ne e le Leano la Mosidi wa Tlhobolo.
Barulaganyi ba lemena ba ne ba hira kamotshana ka fa tlase ga Dikago tsa Palamente, mme Guy Fawkes a fitlha dibarele di le 36 tsa mosidi wa tlhobolo foo malatsi a le mmalwanyana pele Palamente e ka kopana. Fela mongwe wa barulaganyi a tsibosa motswalle, Lord Monteagle, gore a se ka a ya kwa Palamenteng ka la 5 Ngwanatseele. Lord Monteagle o ne a tsibosa mmuso, mme Guy Fawkes o ne a fitlhelwa ka fa kamotshaneng, mme a tshwarwa. Barukhutlhi ba ne ba swa ba gana go tshwarwa kgotsa ba ne ba sekisiwa mme ba bolawa.
Ka jalo, letsatsi la bo 5 Ngwanatseele e ne ya nna letsatsi la boikhutso jwa tebogo. Ka letsatsi le bana ba dira ditshwantsho ka diaparo tsa kgale di tsentswe matlhaka le dipampiri go tshwantsha botshelo jwa ga Guy Fawkes. Ba tsamaya ba di rwele mo mebileng ba kokoanyetsa "Guy dipene". Batho ba gotsa molelo o mogolo, ba fisa Guy mo molelong o. Ba thuntsha dikhirikhete le go ja Jacket Potatoes le go besa ditšhesenate.
Fa go ne go na le setso kwa Devon se se neng se ka tlhaloswa e le se se "tlolang ditlhase", e ne tota e tshwanetse go nna se se diragatswang kwa Ottery St. Mary. Ottery ke toropo e e himileng histori, setso le dinaane. Tiragalo ya ngwaga le ngwaga e e diragadiwang Bosigo jwa Guy Fawkes, e akaretsa batho ba taboga go kgabaganya mebila ya toropo ba rwele dibarele tsa legong tse di tlolang ditlhase mo mekwatleng ya bone. Diketekete tsa batho ba kokoana mo toropong go bogela tiragalo e.
Go ne go lekanyeditswe kwa bofelong jwa 2001 gore go na le batho ba le dimilione di le 40 mo lefatsheng lotlhe ba ba tshelang ka HIV/AIDS. Go ne go na le dintsho di le 21,8 milione tse di bakilweng ke AIDS kwa bofelong jwa 2000 le tekanyetso ya 13,2 milione ya dikhutsana tsa AIDS.
Letsatsi la lefatshe la Aids le ketekiwa go ralala lefatshe ka la 1 Sedimonthole ga tlhagisa dipalopalo tse le kgatelopele e e dirilweng mo ntweng kgatlhanong le leroborobo le. Gape ke letsatsi la go gakolola batho ka ga tiro e e sa ntsaneng e tshwanetse go dirwa.
HIV e sa ntsane e le letshwao le le kgomarelang. Kgethololo ka ntata ya HIV e aname. Kgethololo e ama matshelo a batho ba ba nang le HIV ka mokgwa o o sa siamang, mme e thatafatsa maiteko a thibelo le tlhokomelo ka ntlha ya gore batho ba kgorelediwa go itlhatlhoba, go bona kalafi le ditirelo tsa thibelo.
Gantsi batho ba nna le letshogo le le se nang motheo tebang le batho ba ba nang le HIV. Se se ka dira gore batho ba ba nang le HIV ba latlhegelwe ke ditsala tsa bone, ditiro, metswalle le magae a bone.
Go thibela se, letsholo la 2002/2003 la Lefatshe la AIDS le tlhokometse thata le le kgomarelang le le amanang le HIV, kgethololo le Ditshwanelo tsa Botho.
<fn>tsn_Article_National Language Services_OMNIBUS 1 YA 2003.txt</fn>
Maikaelelo a tlhotlhomiso ke go tlhomamisa maikutlo le dikakanyo tsa maloko a badiri mabapi le boeteledipele, pholisi le togamaano, tsepamiso mo go badirisi le baamegi, taolo ya batho, tirisano, taolo ya metswedi le thulaganyo ya tshedimosetso, ditirego, kutlwalo mo setšhabeng, popego ya tikologo, kgotsofalo ya badirisi le baamegi, boleng jwa tirelo, kgotsofalo ya batho, tiro mabapi le mothelesi le kgwebisano le dipholo tsa mokgatlho.
Dipholo tsa tlhotlhomiso e, di tlile go abelanwa le bolaodi jo bogolo jwa DOD/SANDF. Ka jalo, go botlhokwa gore o arabe potso nngwe le nngwe ka boikanyo. Se, ga se teko gape ga go na dikarabo tse di nepagetseng kgotsa tse di fosagetseng. Kakanyo ya gago ke yona fela karabo e e nepagetseng.
Centre e tlile go tshola tshedimosetso ya gago e le sephiri mabapi le Effect Analysis. O tlile go nna tlhokaina, ka gonne Centre for Effect Analysis e tlile go sekaseka tshedimosetso e e kokoantsweng ka setlhopha fela, sekao mo banneng le mo basading ka go arogana.
Go bonolo go araba potsolotso ka bontsi jwa dipotso di arabiwa ka go dira tshekeletsa mo nomorong e e maleba ya karabo e o akanyang e le e e maleba kgotsa e e tsamaelang le kakanyo ya gago.
Fa o itemogela mathata mabapi le go tlatsa potsolotso tsweetswee o se ke wa okaoka go kopa thuso kwa go mmatlisisi/motlhotlhomisi wa gago yo o thapilweng kgotsa o ka ikopanya le Tirelo ya tharabololo ya mathata ka Mogala ya Centre for Effect Analysis mo nomorong e e latelang 312 4788/8164788.
Re itumelela tirisanommogo ya gago ka go neelana ka tshedimosetso e e kopiwang.
O dira kwa yuniting efe?
Khoutu ya yuniti ya gago ya PERESOLO ke efe?
Setlhopha sa maemo.
O wela ka mo lotsong lo lofe?
Ke ne ke le loloko la pele la...
Bong jwa gago ke bofe?
O na le dingwaga di le kae?
A baeteledipele /balaodi kwa yuniting ya gago/kwa setheong sa gago/kwa sekepeng sa gago ba kgona go dira tiro ya bona ka bonako le ka bokgoni?
A baeteledipele/balaodi kwa yuniting ya gago/kwa setheong sa gago/kwa sekepeng sa gago ba reetsa mathata a batho ba ba leng ka fa tlase ga bona?
A baeteledipele/balaodi kwa yuniting ya gago/kwa setheong sa gago/kwa sekepeng sa gago go bonolo gore ba ka boniwa?
A baeteledipele/balaodi kwa yuniting ya gago/kwa setheong sa gago/kwa sekepeng sa gago ba tlhalosetsa batho ba ba leng ka fa tlase ga bona sentle se se tshwanetseng go diriwa?
A baeteledipele/balaodi kwa yuniting ya gago/kwa setheong sa gago/kwa sekepeng sa gago ba netefatsa gore batho ba ba leng ka fa tlase ga bona ba itse le go tlhaloganya se se solofetsweng go tswa mo go bona?
A baeteledipele/balaodi kwa yuniting ya gago/kwa setheong sa gago/kwa sekepeng sa gago ba netefatsa gore batho ba ba leng ka fa tlase ga bona ba katisiwa mo go lekaneng gore ba tle ba kgone go dira tiro ya bona?
A mookamedi wa gago o a tle a bue le wena ka botlalo mabapi le ditšhono tsa gago tsa boiphediso?
A mookamedi wa gago o a tle a go bontshe ka mo o ka dirang tiro ya gago sentle?
A o a tle o bone katiso ya mo tirong (katiso-tirong) gore o tle o kgone go dira tiro ka maatlametlo?
A tiro e ntle e a lemogiwa kwa yuniting ya gago/kwa setheong sa gago/kwa sekepeng sa gago?
A o na le tšhono e e siameng ya go ka tlhatlosiwa fa o dira tiro ya gago sentle?
A o na le tšhono e e siameng ya go ka amogela madi a tebogo fa o dira tiro ya gago sentle?
A o a itse gore tiro ya gago ke eng k.g?
A maloko/badiri mo setlhopheng sa gago sa tiro ba...
Amogela maikaelelo a setlhopha?
dumela go dirisana le maloko a setlhopha?
ba teng go thusa fa go tlhokagala?
A o a tle ka gale o tlhomamise kgotsofalo ya badirisi ka mekgwa e e latelang?
O akanya gore badirisi ba itumeletse dikumo/ditirelo tsa yuniti ya gago/tsa setheo sa gago/tsa sekepe sa gago jang?
A yuniti ya gago/setheo sa gago/sekepe sa gago se kile sa amogela dikabelo dingwaga di le 12 tse di fetileng tse di neng di le mabapi le boleng jwa ditirelo/dikumo tsa gago?
Dipolelo tse di latelang di amana le maikutlo a gago mabapi le yuniti ya gago/setheo sa gago/sekepe sa gago.
<fn>tsn_Article_National Language Services_OMNIBUS 2 YA 2003.txt</fn>
Dipholo tsa tlhotlhomiso e di tlile go re thusa go sekaseka nonofo ya diphetogo tse di nnileng teng mo DOD mmogo le go batlisisa ditlamorago tsa maano a kgato a a neng a tsenngwa mo tirisong morago ga ditlhotlhomiso tse di fetileng. Ka jalo, go botlhokwa gore o tsibogele dintlha tse di mo potsolotsong e ka boikanyo.
Se ga se teko gape ga go na dikarabo tse di nepagetseng kgotsa tse di fosagetseng. Kakanyo ya gago ke yona fela karabo e e nepagetseng.
Centre for Effect Analysis e tlile go tshola tshedimosetso ya gago e le sephiri.
Centre for Effect Analysis e tlile go sekaseka tshedimosetso e e kokoantsweng ka setlhopha fela, sekao mo banneng le mo basading ka go arogana.
Go bonolo go araba potsolotso ka bontsi jwa dipotso di arabiwa ka go dira tshekeletsa mo nomorong e e maleba e o akanyang e le e e maleba kgotsa e e tsamaelanang le kakanyo ya gago.
Re lebogela tirisanommogo ya gago ka go neelana ka tshedimosetso e e kopiwang.
O dira kwa yuniting efe?
Khoutu ya yuniti ya gago ya PERESOLO ke efe?
Tsweetswee araba dipotso tse di latelang ka go dira letshwao le?
Maemo a setlhopha.
O wela ka mo lotsong lo lofe?
Ke ne ke le leloko la pele la...
Bong jwa gago ke bofe?
O na le dingwaga di le kae?
A o bona go le botlhokwa gore DOD/SANDF e fetoge ka ntlha ya mabaka a a latelang?
Tirego ya phetogo e tshwanetse go tsenngwa tirisong jang?
Sebopego sa tirego ya phetogo se tshwanetse go nna jang?
O lemoga tswelelopele e e dirilweng ka tirego ya phetogo jang?
Bolaodi jo bogolo jwa SANDF bo nna le seabe mo tiregong ya phetogo jang?
A o akanya gore bolaodi jo bogolo jwa SANDF bo tlhokometse dikgatlhego tsa maloko otlhe le ditlhopha mo tiregong ya phetogo?
kwa ntle ga go ama bokgoni/maatla a SANDF?
Go bopa DOD/SANDF se se emelang setšhaba sa Aforika Borwa b.
Go dirisa tekatekanyo ya bong kwa ntle le go okaoka e.
Go bopa sesole se se bulegileng f.
O ka tlhalosa maikutlo a badiri-mmogo-ka-wena mabapi le dintlha tse di latelang jang?
Mokgwa o go kopanngwa go diriwang b.
Lobelo lo go kopanngwa go rebolwang ka lona c.
Tolamo mo go reboleng tshiamo d.
Lobelo lo tshiamo e rebolwang ka lona e.
Ka mo tshiamo e leng ka teng f.
Tolamo mo go rebolweng ga tekatekano ka maemo g.
Diphokotso mo tekanyetsong-kabo ya sesole h.
Mokgwa o tekatekanyo ya bong e diriwang j.
Thaego ya Lefapha la botsamaisi la Sesole k.
Bontsi jwa maloko bo nyemile mooko go dira tiro ya bona ka ntlha ya phetogo b.
Ke kgotsofetse mabapi le tshireletso ya tiro ya me c.
Ke kgotsofetse mabapi le ditšhono tsa me tsa go tlhatlosiwa d.
Ke amogetse mokgwa o mošwa wa sesole e.
Ke amogetse mekgwa e mešwa ya taolo f.
Ke amogetse mekgwa e mešwa ya tiro g.
Maikaelelo a a tlhaloganyegang e bile a tiisa mooko a DOD a botlhokwa go netefatsa katlego ya phetogo j.
Ke ikaelela go tlogela SANDF dingwaga tse pedi tse di latelang k.
Ke tlile go amogela tiro kwa ntle ga DOD/SANDFe e duelang madi a a lekanang le a ke a amogelang jaaong e bile e na le maemo a tiro a a jaaka a me a ga jaanong m.
Ke dikarolo dife mo go tse di latelang tse o bonang e le dikarolo tse di nang le mathata mo DOD/SANDF se se fetotsweng?
Mekgwa le maemo a sesole a wela kwa tlase ka ntlha ya kopanngo b.
Ditlamelo tsa bogologolo/tse di sa tlholeng di dirisiwa c.
Dipharologano mo mokgweng wa sesole d.
Dipharologano tsa dikgopolo e.
Dipharologano tsa puo f.
Go latlhegelwa ke batho ba ba nang le bokgoni g.
Tiriso/maatlafatso ya maitsholo h.
Tsenyotirisong/tiriso ya taolo ya baagi mo SANDF ka Mokwaledi wa Sesole j.
Tshedimosetso e e mabapi le phetogo e thata go ka boniwa b.
Tshedimosetso e e mabapi le phetogo ga e tshepagale e bile ga e a nepagala c.
Tshedimosetso e ke e amogelang e e mabapi le phetogo ga e lebise kwa tharabololong ya mathata a me d.
Ke efe e le NNGWE mo metsweding e e latelang e o ratang go amogela tshedimosetso e e tseneletseng e e mabapi le phetogo ka yona?
Motlhankedi wa ditaelo wa me o gana ka tshedimosetso e e botlhokwa e e mabapi le tirego ya phetogo b.
Go letlelelwa nako e nnye ya tlhaeletsano magareng ga setlhopha se se neelang ditaelo le batho ba ba leng ka fa tlase ga sona mo yuniting ya me c.
Ke a itshepa mabapi le go tlhagisa maikuto a me mo yuniting d.
Motlhankedi wa ditaelo wa me ga a tlotle setso sa me e.
Mo yuniting ya me dikamano magareng ga maloko a ditlhopha tsa merafe e e farologaneng gantsi di gagametse f.
Motlhankedi wa me wa ditaelo o tlhaeletsana ka phuthologo le batho ba ba leng ka fa tlase ga gagwe g.
A o bona go le botlhokwa gore DOD/SANDF se romele sesole sa kagiso-sesole sa tshegetso kwa dinageng tse dingwe ka ntlha ya dintlha tse di latelang?
Go tila thologelo ya batswa- kwa-ntle mo Aforika-Borwa c.
Go tshegetsa boeteledipele jwa rona mo Aforika d.
Go ema nokeng ditiro tsa kagiso-tsa tshegetso tsa Kopano ya Aforika f.
Go ema nokeng ditiro tsa kagiso-tsa tshegetso tsa Ditšhaba-Kopano g.
DOD/SANDF ga sena madi a a lekaneng kgotsa ditlamelo tse di siameng tse se ka di dirisetsang ditiro tse di mabapi le kagiso-kgotsa tse di mabapi le tshegetso b.
DOD/SANDFga se a tshwanela go nna le seabe gona jaanong mo ditirong tse di mabapi le kagiso-kgotsa tse di mabapi le tshegetso ka gonne maloko a sona ga a ise a siame go ka dira ditiro tse c.
Ke efe e le NNGWE mo dipolelong tse di latelang e e tsamaelanang le kakanyo ya gago sentle mabapi le go nna le seabe ga DOD mo ditirong tsa kagiso-tsa tshegetso?
Fa Aforika Borwa e ka eletsa go romela sesole sa kagiso -sa tshegetso mo maemong a ga jaanong, ke tlile go...
A o akanya/itemogela fa melawana e e latelang, tiriso ya melawana mmogo le maemo a tlhola kgethololo-ka-mmala?
Go phosololwa ke motlhankedi wa gago wa ditaelo/motlhokomedi wa gago/mogolwane wa gago d.
Motlhankedi wa gago wa ditaelo/motlhokomedi wa gago/mogolwane wa gago ke leloko la setlhopha sa morafe o sele e.
Go maatlafadiwa ga maitsholo f.
Maloko a basweu a itsaya a le a magolo go gaisa ditlhopha tse dingwe tsa merafe e sele fa go tliwa mo katisong/mo maitemogelong b.
Masole mangwe a pele ga-1994 a amogela tshwaro e e rileng sekao ba bona bontsi jwa dithuso (ba bona tlhatloso, amogelwa mo dikhosong, ba bona meputso ya tiro jj) fa ba bapisiwa le masole a mangwe d.
Maloko a itemogela kgethololo-ka-mmala go tswa mo ditlhopheng tse dingwe tsa merafe e sele e.
Go ya ka kakanyo ya gago kamano magareng ga maloko a ditlhopha tsa merafe e e farologaneng mo yuniting ya gago e tokafetse kgotsa e etegetse mo dingwageng di le pedi tse di fetileng?
O bona gore tlhaolo-ka-mmala kgotsa kgethololo- ka- mmala e tlhagelela mo DOD jang?
GO ya ka kakanyo ya gago o bona SANDF sena le bokgoni jo bo ntseng jang jwa go sireletsa naga?
Ke na le tshepo gore sesole sa taolo le tsamaiso sa DOD se tlile go tsibogela bontsi jwa dintlha tse di tlhagisitsweng kwa go sona ka ditlhotlhomiso b.
Puo e o e buang kwa gae ke efe?
O rutegile jang?
O kgona go...
A o batla go...
tokafatsa bokgoni jwa gago jwa Seesimane?
amogela katiso ya maemo a Yunibesithi?
amogela katiso ya maemo a thekenikono?
dira dikhoso e seng ka tlwaelo?
go ithuta o le kwa gae mme o fela o tsenela dikokoano mo DOD?
amogela katiso ya poso ya mo tirong?
ithuta ka nosi?
ithuta ka fa tlase ga thuso ya modiri-ka-puo?
tsenela khoso ya tlwaelo ya dibeke di le tharo ya puo ya DOD?
ithuta puo e nngwe kwa ntle le Seesimane?
A o itemogela mathata...
mabapi le go dira gore o tlhaloganngwe fa o kwala Seesimane?
mabapi le go dira gore o tlhaloganngwe fa o bua Seesimane?
mabapi le go tlhaloganya ba bangwe fa ba bua Seesimane?
mabapi le go buisa Seesimane?
mabapi le go tlatsa diforomo ka Seesimane?
mabapi le go kwala makwalo le ditokomane ka Seesimane?
mabapi le go dirisa CSW?
A Seesimane sa gago se siame mo go lekaneng go go kgontsha go dira tiro ya gago sentle?
A o tlhaloganya puo ya Seesimane e e dirisitsweng mo dimanualeng, mo ditaelong tsa semmuso, mo ditokomaneng tsa dipholisi jj?
A pholisi ya puo ya DOD e ama tiro ya gago ka tsela nngwe?
A o na le batho ba ba leng ka fa tlase ga gago kgotsa o mokatisi wa baithuti?
Go dira gore ba tlhaloganngwe fa ba kwala Seesimane?
Go dira gore ba tlhaloganngwe fa ba bua Seesimane?
Go tlhaloganya ditokomane/ditaelo tsa semmuso tse di kwadilweng ka Seesimane?
Go tlhaloganya ba bangwe fa ba bua Seesimane?
Go tlatsa diforomo ka Seesimane?
Go kwala makwalo sentle ka Seesimane?
GO dira ditiro tse di batlang bokgoni jo bo bogolo jwa puo ya Seesimane?
GO tlhaeletsana ka Seesimane kwa maemong a a kwa godimo?
Go dira ditlhagiso ka Seesimane?
Ke eng se o ka se sisinyang mabapi le tharabololo ya mathata a?
A o ka itumelela thuso ya modiri-ka-puo go tlhoma tirego ya tokafalo mo bathong ba ba leng ka fa tlase ga gago/ mo baithuting ba gago?
<fn>tsn_Article_National Language Services_PABALESEGO YA BATSAMAYA KA DINAO.txt</fn>
Tsamaya mo tselanathokong ya dinao. Fa go sena tselanathoko ya dinao, tsamaela kgakala le tsela ka fa letlhakoreng la moja.
Fa o tsamaya go bapa le tsela ya botlhe, netefatsa gore o tsamaela kgakala thata ka fa letlhakoreng la moja, go raya gore, o lebagane le pharakano.
Bontsi jwa dijanaga bo dirisa ditsela tse di farologaneng ka mabelo a a farologaneng, mme ka jalo go kotsi tota gore bana ba tshamekele fa thoko ga tsela. Fa ngwana a tshamekela mo gare ga tsela, mokgweetsi wa sejanaga a ka retelelwa ke go mo sutela gongwe go ema ka gangwe.
Ka gale tsamaya go lebagana le pharakano e e tswang kwa pele gore o kgone go bona dijanaga tse di lebaganeng nao nako e sale teng.
Bana ba ba nang le dingwaga tse di ka fa tlase ga 12 ga ba kgone go lekanyetsa gore sejanaga se tla tsaya sebaka se se kae pele ga se fitlha fa go bona. Netefatsa gore ka gale ba tsamaya le mogolo.
O ka kgabaganya tsela fa fela go babalesegile go ka dira jalo. O seke wa taboga.
O seke wa kgabaganya mo mafelong a go sa bonaleng sentle mo go ona, go tshwana le mo digorong le mo metlhatlogong ka ntlha ya fa go se bonolo gore bakgweetsi ba go bone ka bonako.
Batsamaya ka dinao ga ba a letlelelwa mo TSELAFEFONG.
Kgabaganya tsela ka tlhamalalo.
Ema pele go fitlhelela bese/thekisi e ema tsi, pele ga o ka fologa.
Emela pele gore bese/thekisi e tsamae gore o kgone go bona dijanaga tse di tlhagang kwa dintlheng tsotlhe tsa tsela.
Fa tsela e bulegile, o ka kgabaganya ka bonako morago ga go leba kwa mojeng, kwa molemeng le kwa mojeng gape.
O ka thulwa gongwe wa gatwa/ wa bolawa ke sejanaga se se tla bong se tlhaga kwa ntlheng e bese/thekesi e o e fologang e tswang gona.
Go babalesegile go fologa kwa boemelong jwa dibese gongwe jwa dithekisi.
Kgabaganya fa fela monna yo motala a tshubile mme go babalesegile go ka dira jalo.
Fa monna yo motala a fetoga go nna monna yo mohibidu fa o sa ntse o kgabaganya, tswelela go lebelela kwa morago le kwa pele go bona dijanaga tse di ka neng di tla.
Fa lebone le lehibidu la roboto le fetogela go nna letala, dijanaga tse di tswang kwa pele le kwa morago le tsona di nna le tetla ya go tsamaya. Netefatsa gore bakgweetsi ba a go bona le gore ba eme, pele ga o ka kgabaganya.
Tsela/mmila e tshwanetse go dirisiwa ke badirisi botlhe ba yona mmogo; ka jalo go botlhokwa tota gore o kgabaganye ka bonako gore bakgweetsi ba tswelele pele le bona.
Seno se kaya go kgabaganya tsela kwa lefelong lengwe le lengwe fela ntle le le le laolwang. Seno se ka nna kotsi tota mme se ka lebisa kwa dikgobalong gongwe loso.
Bakgweetsi ba solofela go go fitlhela kwa makgabaganyong a a laolwang a tshwana le: makgabaganyo a batsamaya ka dinao a a tshwailweng, mafelo a a nang le matshwao a go ema mmogo le kwa dirobotong, mme le moo, o ntse o tshwanetse go tsholetsa dinao go letla badirisi ba bangwe ba tsela go tswelela pele. Seno ke se re se bitsang go dirisa tsela mmogo le go tlotla badirisi ba bangwe ba tsela.
Tila go dirisa tsela morago ga go nwa nnotagi/diritabatsi ka ntlha ya fa di ama pono ya gago mmogo le go itsetsepela ga gago, mme ka jalo go dire gore go nne boima mo go wena go kgona go lekanyetsa sekgala le lebelo la dijanaga tse di lebaganeng nao, mme sa botlhokwa, go kgabaganya tsela ka bonako.
Go nwa mme morago o tsamaye mo tseleng, go kotsi fela jaaka go nwa mme o kgweetse.
Go laisa go feta tekanyo ke eng?
Go laisa go feta tekanyo ke maiteko mangwe le mangwe a badirisi ba dipalangwa, bakgweetsi gongwe bapalami go feta selekano sa go laisa sa molao sa sejanaga, e ka nna ka bomo gongwe e se ka bomo.
Go laisa go feta tekanyo mmogo le dithaere tse di sa siamang go baka palo e e kwa godimo ya dintsho le dikgobalo mo ditseleng tsa rona. Go tlaleletsa seno, go laisa go feta tekanyo go baka ditshenyegelo tse di balelwang go dimilione tsa diranta mo mafaratlhatlheng a ditsela mmogo le mo dijanageng tse go laisitsweng mo go tsona.
Sejanaga se se laisitsweng go feta tekanyo se tla tsaya sebaka go ema mo mabakeng a tshoganyetso. Fa go ka tlhokega gore o sute go efoga kotsi, nako ya go tsiboga e tla nna telejana ka ntlha ya go laisa go feta tekanyo.
Ga go bonolo go laola sejanaga se se laisitseng go feta tekanyo mme ga o kgone go gatelela mafura bonolo jaaka mo sejanageng se se siameng, mme seno se dire gore go nne kotsi go sega tsebe.
Dithaere tsa sejanaga se se laisitseng go feta tekanyo di a gotela mme di nne boleta - seno se ka dira gore di thunye.
Go laisa go feta tekanyo go dira gore sejanaga sa gago se kgonamele kwa morago mme seno se ka dira gore o seke wa kgona go bona dikhuti mo tseleng mmogo le dikgoreletsi tse dingwe tse di ka nnang mo tseleng.
Go laisa go feta tekanyo go senya ditsela mme ka jalo o ka duedisiwa madi a a boitshegang.
Batho ba le bantsi ba isiwa ditirong gongwe kwa mafelong a a farologaneng ba palame kwa morago ga dilori gongwe dibene letsatsi lengwe le lengwe - ba le mo godimo ga merwalo. Mme kana ba a bo ba sena mabanta, ditilo, gongwe sepe fela. Ka bomadimabe, seno se oketsa thata kelo e e kwa godimo ya dintsho mmogo le batswasetlhabelo mo ditseleng tsa rona.
Molawana wa 247 o tlhalosa gore batho ba ka pegiwa kwa morago ga sejanaga sa dithoto fa fela e le gore lefelo le ba emeng, gongwe ba ntseng mo go lona, le tswaletswe ka sengwe se se thata se se tla kgonang go ba sireletsa gore ba seke ba wa mo sejanageng.
Go le gantsi bakgweetsi ba dibese le dithekisi ba laisa dijanaga tsa bona go feta tekanyo. Re utlwa gantsi mo dikgannyeng go twe "Thekesi gongwe bese e e neng e laisitse go feta tekanyo e amegile mo kotsing". Go tshwanetse ga bewa kitsiso mo beseng/thekising nngwe le nngwe go totobatsa palo ya batho ba ba ntseng fa fatshe le ba ba emeng ka dinao ba ba sejanaga seo se letleletsweng go ba pega. Mokgweetsi yo o laisang batho gongwe dithoto o tshwanetse go sekasekwa gore a o siametse tiro eo mmogo le go rutwa ka moo a tshwanetseng go kgweetsa ka gona. Bakgweetsi ba tshwanetse go dirisa dikitsiso go tila go laisa dijanaga go feta tekanyo.
O ka lemoga jang sejanaga se se laisitsweng go feta tekanyo?
Go somarela nako.
Mathata a diinšorense fa o ka amega mo kotsing mme ga fitlhelwa gore sejanaga se ne se laisitse go feta tekanyo.
Go palama dibaesekele e setse e le mokgwa o mogolo wa boitapoloso mme gape baesekele e setse e le sepalangwa sa botlhokwa mo Aforika Borwa.
Baesekele ke sepalangwa fela jaaka dipalangwa tse dingwe. Fela baesekele e farologana le dipalangwa tse dingwe ka ntlha ya fa e kgweediwa ka maatla a motho. O na le ditshwanelo, maikarabelo mmogo le ditiro fela jaaka bakgweetsi ba bangwe. Gakologelwa gore bapalami ba dibaesekele ga ba a letlelelwa go kgweetsa mo ditselafefong.
Pele ga go palama baesekele mo tseleng ya botlhe, o tshwanetse go tlhaloganya melao ya tsela mme gape o nne le bokgoni jwa go kgweetsa baesekele ka pabalesego mo pharakanong.
Go obamela matshwao otlhe a tsela.
Go emela batsamaya ka dinao.
Go tlogela sekgala se se babalesegileng magareng ga gago le dipalangwa tse dingwe go go kgontsha go tila kotsi fa mokgweetsi yo o fa pele ga gago a ka tshwanela go ema ka bonako.
Go tila go kgweetsa baesekele ka mokgwa o o botlhaswa.
Go lebelela dipalangwa tse dingwe; leka go lebagana le bakgweetsi ba bangwe gore o netefatse gore a ba go bona.
Go nna o butse matlho go bona dintšwa gonne di ka go lelekisa. Seno se ka tlhagisa kotsi ka ntlha ya fa dintšwa di ka itatlhela mo tseleng mme seno sa baka kotsi.
Go ela tlhoko mafelo a a relelang fa pula e na gongwe morago ga pula.
Go rwala kokoro ka gale gore o tile go gobala mo tlhogong fa o ka tlhagelwa ke kotsi.
Go tila go lebelela dipone tsa dikoloi tse di tlang kwa pele ka tlhamalalo gonne seno se ka ama pono ya gago go se nene bosigo.
Go lebagana le pharakano. Molao o laela gore bapalami ba dibaesekele ba tshwanetse go ela ntlha e le nngwe le pharakano.
Go pega ope, ntle fela le fa baesekele e na le setilo sa bapalami se se direletsweng mo go yona.
Go tsweletsa gongwe go nna le seabe mo lebelong la dibaesekele mo tseleng ya botlhe fa seo se sa rebolwa ke bathati ba puso gongwe ba puso selegae.
Go rwala difounu tsa ditsebe tse di tswalelang ditsebe tsotlhe fa a palame baesekele mo tseleng ya botlhe.
Ela tlhoko: Le fa bontsi jwa dikotsi tsa dikoloi le dibaesekele bo bakwa ke bakgweetsi ba dikoloi, ntlha e le nngwe e e totobetseng ke ya gore: Mopalami wa baesekele o a latlhegelwa mo kotsing nngwe le nngwe. Gakologelwa gape: dijanaga di na le "mafelo a a sa bonaleng", gongwe mafelo a a bapileng le sejanaga a mokgweetsi a sa kgoneng go bona sentle mo go ona. Lefelo le le sa bonaleng le legolo mo dijanageng ke ka fa letlhakoreng la moja kwa morago; leka gore o seke wa kgweetsa fa lefelong leno le le sa bonaleng.
<fn>tsn_Article_National Language Services_PHAMFOLETE YA MAFOKO A A KA DIRISIWANG KE LEPHATA LA BOPODISI.txt</fn>
Bopodisi jwa Setšhaba ke mokgwa wa bopodisi o e leng gore tirelo ya seteišene sa sepodisi sa kgaolo e aroganngwa ka dikgaolo tse dinnye, tse di laolegang tse di itsegeng jaaka lephata. SAPS e tla thapa motlhankedi wa sepodisi yo o itsegeng jaaka molaodi wa lephata, mo lephateng lengwe le lengwe.
Setšhaba le balaodi ba maphata ba tla dirisana go netefatsa gore go na le tshireletsego le pabalesego mo dikarolong tsa bona.
Go dira jaaka motlhankedi yo o thibelang bosenyi, se se akaretsang go rwala maikarabelo a dithulaganyo tsotlhe le diporojeke go kampana le bosenyi mo lephateng.
Go tsenela dikopano tsa Foramo ya Lephata ya Bosenyi (FLB) go buisana le molaodi wa lephata ka ga ditogamaano tsa tiro go kampana le bosenyi mo lephateng.
Go kgakola le go nna le seabe mo maitekong a baagisani go tshola karolo e ba nnang mo go yona e babalesegile.
Go neelana ka tshedimosetso le ditshisinyo tsa go thibela bosenyi mo lephateng.
Go nna matlhagatlhaga mo tshegetsong ya lephata la sepodisi ka go ithaopa jaaka baithaopi mo lephateng.
Itse molaodi wa lephata la lona:...
Seteišene sa sepodisi sa lona:...
Nomoro ya mogala:...
Nna le seabe ka go ikgolaganya le molaodi wa lephata la lona, mme o sireletse baagisani.
Go kopiwa bagwebi ba selegae, bakhanselara, mekgatlho ya selegae le baeteledipele go nna le seabe go kampana le maemo a a nang le seabe mo bosenying mo lephateng la lona.
<fn>tsn_Article_National Language Services_PHOLISI YA NAC YA DIKOPO TSA BASARI.txt</fn>
Khansele ya Bosetšhaba ya Botsweretshi go ya ka theo e, amogetse gore e tla aba matlotlo a dibasari kwa ditheong go phatlaladiwa go ya baithuting ba ba tshwanetseng ba ba ithutelang botsweretshi.
Le gale, baithuti ka nosi ba ba dirang boitseanape kana ba dira dithuto tsa morago ga kalogo kwa ditheong tse di sa dirang kopo ya matlotlo, le bona ba tla letlwa go bona dibasari go ya ka dikaedi tsa NAC.
Go reng dikabo tsa ditheo?
Go neela NAC tšhono ya go simolola ditumalano - kgwebisano le ditheo, go go isang kwa go NAC go nna le karolo e kgolwane ya tlhotlheletso.
Go neela ditheo tšhono go dira, go laola le go sekaseka dikabo go ya ka diteng tse di rileng tsa kabo ya matlotlo.
Go neela NAC tšhono go neela tlhaloso kwa pholesing ya go siamisa.
Di aga bokgoni mo teng ga ditheo le go fokotsa tiro ya tsamaiso.
E tla dira jang?
Baithuti ka nosi ba tla dira kopo ka tlhamalalo ya matlotlo kwa setheong se ba kwadisitsweng kwa go sona. Ditheo di tla bopa theo ya dikopo go tswalela matlotlo go tswa go NAC. Diphanele tsa go gakolola di beilwe go sekaseka ditlhokego tsa ditheo ka nosi le go aba matlotlo go ya ka dikaedi tsa NAC. Diphanele di sekaseka ditheo go tswa tshedimosetsong e e tlametsweng mo diforomong tsa kopo.
Diphanele tse di gakololang di dira dikatlenegiso go ya ka fao madi a tshwanetseng go abiwa ke setheo kana di ka letla setheo fa se tshepega mo go lekaneng, go tlhomamisa kabo ka bo sona go ya ka pholesi ya NAC.
Ditheo di tlamega go romela pegelo e e tletseng kwa go NAC ka fa matlotlo a abilweng mmogo le dipoelo tsa baithuti ba ba amogetseng matlotlo. Pegelo e e tla sekasekiwa ke diphanele.
Ditshenyegelo tsotlhe di tshwanetse go bontshiwa ka Diranta tsa Aforika Borwa.
Tlhaloso ya ditshenyegelo tsa ngwaga o le MONGWE fela.
Naneofatsa tshegetso yotlhe e nngwe ya matlotlo e o e amogetseng.
Ke dira maikano fano gore tshedimosetso yotlhe e e tlametsweng mo kopong e le dikwalo tse di tsentsweng di tlhomame di nepagetse.
Setheo se siamisa jang merero ya tekano?
Tlamela dintlha tsa gore lefapha kana setheo di thusa baithuti jang (ntle le matlotlo a NAC).
Tekanyetsokabo ya tlaleletso (fa go tlhokegang) e tshwaragantswe.
Nna, ke rometswe dikwalo tsotlhe tse di tlhokegang.
KA KOPO ELA TLHOKO: Botlhabongwe kana gotlhe ga tshedimosetso e o re tlamelang ka yona, e tla tsholwa mo khomphiuteng go nna direkoto tsa rona. Tshedimosetso e e tla dirisediwa tsamaiso ya dikopo le dikabo le go tlhagisa dipalopalo. Dikhophi tsa tshedimosetso e di tla tlamelwa, fa go tlhokega, kwa bathong ka nosi le mekgatlhong ba re ka tlhokang go golagana nabo fa re sekaseka dikopo le go tlhola dikabo. Mekgatlho ya matlotlo e amogana tshedimosetso mmogo go ba kgontsha go lemoga dikopo tsa bofora le go tsamaisa tirego ya dikopo tsa tlaleletso. Tshedimosetso nngwe e o e tlamelang mo foromong ya kopo e e tla dirisediwa tirelo ya tshedimosetsopolokelo. E ntse e ka dirisiwa gape ke Lefapha la Botsweretshi le Setso.
<fn>tsn_Article_National Language Services_POLOKEGO YA DIJO LE NETEFALETSO YA BOLENG 1.txt</fn>
Go tlhagisa dikaelo le melawana ya polokego ya dijo le boleng mabapi le dikumo tsa temothuo tsa dikumo tsa diphologolo tse di amang diphologolo go ya ka Molao 2000 wa Polokego ya Nama (Molao No 40 wa 2000).
Go tlamela ka dikgato tsa go rotloetsa polokego ya nama le polokego ya dikumo tsa dipologolo; go tlhoma le go tshegetsa melawana e e botlhokwa ya bosetšhaba malebana le matlhabelo; go laola go tlisiwa le go romelwa ga nama; go tlhoma dikema tsa polokego ya nama; le go tlamela ka dikgato tse di golaganeng le tsona.
Go tlhagisa pholisi le peomolao tse di rotloetsang polokego ya dijo tse di amang diphologolo.
Go tshegetsa peomolao ka molawana le dikaelo tse di maleba.
Go tlhagisa le go baya melawana ya bosetšhaba e e rotloetsang polokego ya dijo tse di amang diphologolo.
Go gokaganya le baamegi ka ga dintlha tse di fa godimo.
Pegelo ya tlhomamo le tlhagiso ya mokgwa wa pegelo.
Go netefatsa neelo ya dithata/maatla go ya ka peomolao e e dirisiwang go badiri botlhe ba mo bokaedipotlaneng.
Papiso le tshekatsheko ya dipholo tsa dipatlisiso malebana le polokego e e amang dipholo.
Go tlhagisa mokgwa wa tlhokomelo le tshekatsheko malebana le tiriso ya pholisi, peomolao le molawana wa bosetšhaba ka diporofense.
Go tlhagisa mokgwa wa tlhaeletsano go lebilwe polokego ya dijo.
Go tlhagisa thulaganyo malebana le ditshoganyetso tsa polokego ya dijo.
Go dira ditshekatsheko tsa dikotsi malebana le ditshoganyetso tsa polokego.
Pegelo ya tlhomamo.
Tlhokomelo, tshekatsheko le tlhabololo ya ditumalano tsa konteraka malebana le netefaletso le ditlhatlhobo.
Tlhokomelo le tshekatsheko ya ditirelo tsa netefaletso.
Kgokaganyo le baamegi malebana le dintlha tsa netefaletso.
Pegelo ka tlhomamo.
<fn>tsn_Article_National Language Services_POLOKEGO YA DIJO LE NETEFALETSO YA BOLENG 2.txt</fn>
Go botlhokwa go tshwara nama sentle kwa gae.
Tshwaro e e siameng ya nama e kaya tshwaro e e maleba ya nama go thibela kgotlelo le go netefatsa fa e siametse go ka jewa.
Nama e e sa tshwariweng sentle e ka tlhola malwetse a dijo.
Matshwao a a tlwaelegileng a malwetse a dijo ke letshololo, ditlhabi tsa mo mpeng, le letlhatso.
Reka fela nama e e rebotsweng.
Nama e e rebotsweng ke nama e e fitlhelwang mo diphologolong tse di itekanetseng tse di tlhatlhobilweng kwa botlhabelong jo bo rebotsweng pele ga go tlhabiwa gape ditoto le tsona di a tlhatlhobiwa morago ga go tlhabiwa.
Nama e e tlhatlhobilweng e na le setempe: ""PASSED/ GOEDGEKEUR/ REBOTSWE"" mo kotareng nngwe le nngwe ya setoto.
Nama e e rebotsweng/ e e tlhatlhobilweng e ka fitlhelwa kwa dilageng, kwa bagwebipotlaneng le kwa mabenkeleng a selegae a a bonang nama ya ona kwa matlhabelong a a rebotsweng.
Tlhapa diatla tsa gago.
Ka gale gakologelwa go tlhapa diatla tsa gago ka metsi a a nang le sesepa pele o ka tshwara dijo.
Tlhapa diatla morago ga go dirisa dithwaelete le morago ga go ngatolola ngwana.
Tswala dintho tsa mo diatleng le diso tsa mo diatleng pele o ka tshwara dijo go tila kgotlelo ya dijo.
Mafelo a a dirisediwang thulaganyo ya nama e tala a tshwanetse go phepafadiwa pele a ka dirisediwa go rulaganya dilwana tsa dijo.
Phepafatsa mafelo a a diriseditsweng thulaganyo ya dijo morago ga go rulaganya nama e tala pele o ka rulaganya dilwana tse dingwe tsa dijo.
Masela a dijana le didirisiwa tsa dijo di tshwanetse go tlhatswiwa pele di ka dirisediwa go rulaganya dijo.
Tila go kopana ga nama e tala, dinong, dikoko jalo jalo le dijo tse di siametseng go ka jewa ka motsi wa thulaganyo ya dijo gape le mo setsidifatsing.
Tlhatswa didirisiwa tse di neng tsa dirisediwa thulaganyo ya nama e tala le dinong, dikoko jalo jalo pele, pele o ka di dirisetsa go rulaganya dilwana tse dingwe tsa dijo.
Dirisa metsi a a phepa go apaya.
Dirisa metsi a a phepa go apaya le go rulaganya dijo.
Se, se tshwanetse go gakologelwa bogolosegolo fa o rulaganyetsa bana, bagolo le batho ba ba lwalang dijo.
Gakologelwa go apaya nama sentle, ka se se tla bolaya dingwe tsa ditwatsi tse di amanang le nama.
Thibela nama go kgotlelwa ke ditshenekegi, magotlo jalo jalo.
O se ke wa gotlholela kgotsa wa ethimolela fa gaufi le dijo.
Dijo tse di apeilweng go akarediwa le nama di tshwanetse go tsidifadiwa ka bonako, mo sebakeng sa diura tse 2 morago ga thulaganyo.
Nama e tala e tshwanetse go tsidifadiwa ka bonako morago ga go rekiwa, mo sebakeng sa ura e le nngwe morago ga go rekiwa.
Netefatsa gore setsidifatsi se bewa mo 4oC le go baya segatsetsi mo 18 oC.
Go bolokegile go gakolosa nama mo setsidifatsing.
Nama e e apeilweng e e neng ya tsenngwa ka mo setsidifatsing e tshwanetse go thuthafadiwa gape sentle pele e ka jewa.
Leka go ja dijo tse di apeilweng ka bonako morago ga thulaganyo.
Fa dijo di sa jewe ka bonako, di tshwanetse go tsidifadiwa kgotsa go gatsediwa.
Fa nama e tlogetswe lobaka lo lo leele ka mo setsidifatsing kgotsa e bontsha matshwao a go senyega e tshwanetse go latlhiwa.
O se ke wa utlwelela dijo tse di nkgang ka mokgwa o o sa tlwaelegang, di latlhe.
<fn>tsn_Article_National Language Services_POLOKEGO YA DIJO LE NETEFALETSO YA BOLENG 4.txt</fn>
Maikaelelo a Bokaedipotlana Tshedimosetso ya Thotloetso ya Temothuo ke go netefatsa tsamaiso e e siameng ya kwadiso le taolo ya tokafatso ya Temothuo (kumo le ditirelo) ka go dirisa mekgwa e e maleba e e siameng ya kwadiso, go ditlhokego tse di dumeletsweng tsa polokego, tsa nonofo le tsa boleng. Taolo go ya ka Molao No 36 wa 1947 wa ditheo tseo tsa kumo ya temothuo ke go rotloetsa botshelo jwa boleng ka kakaretso.
Menontsha, Difuru tsa Polasa, Dithusi tsa Temothuo le Dithusi tsa Leruo (Molao No 36 wa 1947) o ne wa tlhagisiwa go tlamela ditsela le mekgwa e e siameng ya go tsamaisa kwadiso ya menontsha, ya difuru tsa polasa, ya Dithusi tsa Temothuo, ya Dithusi tsa Leruo, ya Ditlhare tse di Opafatsang le ya Badirisi ba Taolo ya Diji.
Taolo e e siameng ya ditheo tsa tokafatso ya kumo ya temothuo (APEA) go ya ka Molao No 36 wa 1947.
Go tlhokomela dikopo tsa kwadiso ya tirelo le kumo go ya ka mekgwa e e tlhagisitsweng, le melawana.
Go thusa ka peomolao, ka mekgwa e e tlhagisitsweng, le ka dikaelo.
Go keleka le go sekaseka dikopo le go tlamela badirelwa ka tirelo.
Go netefatsa kamogelo ya ditšhelete tsa kwadiso tse di nepagetseng.
Go laola le go dumelela papatso ka ga APEA.
Go amogela le go sekaseka kgotsa go romela dingongorego kwa dikantorong tse di maleba.
Go gokaganya le go tlhaeletsana le Mekgatlho ya indaseteri, Beng ba Kwadiso, badirelwa le setšhaba ka kakaretso.
Go rotloetsa, go laola le tokafatsa thebolo ya ditirelo e e maleba le melawana ya kgotsofalo ya badirelwa.
Go obamela melawana ya Batho pele.
Go gakolola Mokwadisi ka ga dintlha tsa setegeniki tse ba di neetsweng ke Mokwadisi, le go di bega ka mokgwa le ka tsela e e tlhagisitsweng.
Go sekaseka le go tlhagisa dikatlanegiso ka ga dikopo tsa kwadiso go ya ka dikaelo tse di dumeletsweng, melawana, ditlhokego, dipholisi le peomolao e e maleba.
Go keleka papatso ya kwadiso ya kumo e e tshisintsweng malebana le nepagalo ya saense.
Go rulaganya dikaedi (dikumo) le go tlamela ka tshedimosetso mabapi le dikumo tse di kwadisitsweng le dintlha tse di maleba.
Go gokaganya le mafapha a puso, indaseteri, beng ba kwadiso, banni-le-seabe le badirelwa ka tlhomamo.
Go thusa ka go tlhagisa dikaelo, melao le tlhabololo ya peomolao.
Go tsamaisa tlhatlhobo ya tirelo e e nonofileng gape e le maleba go netefatsa phokotso ya ditlolomolao le go dira go go seng mo molaong ga ditheo tsa tokafatso ya temothuo (dikumo le ditirelo).
Go dira ditlhatlhobo tse di tswelelang go netefatsa kobamelo ya melao, melawana le Molao (Molao No 36 wa 1947).
Go dira ditiro tsa tlhomamo tsa sampole go netefatsa fa ditirelo le dikumo tsa boleng di le teng go badirisi.
Go netefatsa tshepo ya badirisi mo dikumong tse di kwadisitsweng.
Tona e thapa motlhankedi mo Lefapheng la Temothuo jaaka mokwadisi yo o tshwanetseng, go ikaegilwe ka ditaelo tse di rebolwang ke tona, go diragatsa dithata, go dira tiro le go dira merero e e rwesiwang kgotsa e e neelwang mokwadisi go ya ka Molao o o kailweng.
Go netefatsa dikwadiso tse siameng tsa ditheo tsa dikumo tsa temothuo (dikumo le ditirelo).
Popego ya ditlhokego tsa dikumo tse di kwadisitsweng e e tsamaelanang le ditlhokego tse di dumeletsweng tsa polokego, tsa nonofo le tsa boleng.
Go tlamela ka kaelo go beng ba kwadiso le setšhaba mabapi le ditheo tsa tokafatso ya kumo ya temothuo tse di maleba.
Go rotloetsa le go netefatsa tirelo ya kgakololo ya setegeniki e e malebana le makwalokopo otlhe a kwadiso, ditlhokego, melawana, dikaelo, pholisi le peomolao.
Go tlamela ka tirelo ya tlhatlhobo e e siameng e bile e lolame.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Phanele ya Keletso ka ga Dithekenoloji tsa Puo ya Motho.txt</fn>
Ka Lwetse 2000 Komiti ya Dipaakanyo e ne ya wetsa tiro ya yone, mme ka Diphalane 2000 tlhagiso e ne ya neelwa Lekgotla la PANSALB. Pegelo e ne ya amogelwa, mme tshisinyo e e kopanetsweng e ne ya fetisediwa ke PANSALB le Tirelo ya Dipuo tsa Bosetšhaba (NLS) kwa go Tona ya Botsweretshi, Setso, Saense le Thekenoloji go tswelela ka tiro e. Tona Ben Ngubane o ne a tsiboga ka go supa Phanele ya Keletso ka ga Human Language Technology (HLT) e tiro ya yone e neng e le go tlhotlhomisa bokao le ditshenyegelo tsa tiro ya go tlhabolola HLT mo Aforika Borwa.
maiteko a go aga bokgoni jwa HLT le go dirisa thekenoloji go tsweletsa tiriso ya dipuo tse dintsi le go itlhaganedisa tlhabololo ya dipuo tsa tlholego tse di ntseng di itlhokomolositswe.
Ikaniso ya Phanele, 7 Ngwanatsele 2001, Tshwane.
i kgotsofatsa ditlhokego tsa baagi kwa maemong a a farologaneng mo tlhabololong ya Setlhopha sa Tshedimosetso e e itlhagisang mo dikarolong tse di tshwanang le mmuso ka eleketeroniki e-governance, go ithuta ka eleketeroniki e-learning, kgebisano ka eleketeroniki e-commerce, jalo le jalo, le ii tshwaraganya kgaogano ka dipalo go tshola naga e itse ka ga ditlhabologo mo lephateng la Tshedimosetso le Dithekenoloji tsa Tlhaeletsano.
Phanele e batla go tlhama mafaratlhatlha a a ka nnang le seabe mo tlhomamisong ya dintlha tsa botlhokwa tsa bosetšhaba le go bebofatsa ditiro mo go saleng dintlha tse tsa botlhokwa morago.
i Mmuso wa bosetšhaba jaaka motlhokomedi wa dipuo tsa semmuso, gammogo le mebuso ya diporofense le dipusoselegae le dipharaseteite jaaka jaaka badirisi ba bofelo ba dikuno tse di itirisang tsa dipuo tse dintsi go lebeletswe thata tokafatso ya ditirelo.
Dirutegi le mekgatlho e e thusang ka matlole e e rweleng maikarabelo a dipatlisiso, tlhabololo le tokafatso bokgoni jwa badiri mo lephateng la Dithekenoloji tsa Puo ya Motho.
Phanele e bonela pele tlhabololo ya intaseteri ya HLT mo Aforika Borwa go tshwana le e e leng teng ya tiriso ya dipuo tse dintsi ya Yuropa (multiligual Europe), fela e fokoditswe le go lekanyetswa ditlhokego tsa selegae. Phanele e tshwanetse go neela pegelo ya yona ka Phatwe 2002.
Phanele e kopana kgafetsakgafetsa mme e tla ikgolaganya le batsayakarolo mo nakong e e sa fediseng pelo. Mongwe le mongwe yo o nang le kgatlhego a ka ikgolaganya le Mogokaganyi nako nngwe le nngwe go bona tshedimosetso go ya pele.
Go rulagantswe dithutano tse di kgethegileng tse di tla tshwarwang ka 22 Motsheganong kwa Tshwane. Tsweetswee tlhokomela sekgala se go bona dintlha.
Tlhagiso e neetswe Lekgotla la PANSALB ka la 15 Tlhakole 2002. Tlhagiso e, e bontsha tiro e e solofetsweng ya Diyuniti tsa Bosetšhaba tsa Dithanodi mo tlhabololong ya Thekenoloji ya Puo ya Motho mo Aforika Borwa.
Ditshwaelo go tswa go mongwe le mongwe yo o nang le kgatlhego di a amogelwa.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Re agela setÜhaba matlo.txt</fn>
Matlo a a fetang bokana ka 1,6 jwa milione a setse a agilwe go simolola ka 1994.
Manaane a kago ya matlo le dithuso tsa madi go batho ba ba dikobo dikhutshwane.
Re ikemiseditse go go naya Ntlo fa o le Maleba.
Go atlega gore o bone ntlo, o tshwanetse wa bo o nyetse kgotsa o nna le molekane wa gago. O tshwanetse o be o na le ba lelapa bao ba bonang thuso ya madi go tswa mo go wena, jaaka bana ba gago kgotsa o tshwanetse o be o na le leloko la lelapa la motsofe le o le tlhokomelang. O tshwanetse o be o le moagi wa Aforika Borwa kgotsa o na le tetla ya boagi jwa leruri.
O tshwanetse o be o na le dingwaga di le somamabedi le bongwe kgotsa go feta gape o na le bokgoni jwa go tsena mo tumalanong.
Lelapa le le lengwe ga le a tshwanela go bona lotseno lo lo fetang bokana ka R 3500 ka kgwedi. Go tlaleletsa o tshwanetse wa bo o ise o bone thuso ya madi go tswa kwa pusong e bile o ise o nne le ntlo mo nakong e e fetileng.
Digole, balwetse le batsofe ba ba bonang lotseno lo lo ka fa tlase ga R800 ka kgwedi.
Lekwaloitshupo la gago le lekwaloitshupo la molekane wa gago.
Etela lefapha la kago ya Matlo la Porofense kgotsa Kantoro ya Selegae ya mmasepala go dira kopo.
Re neela digole tse di atlegang eng?
Digole tse di atlegang di bona thuso ya madi a kago ya matlo a a kana ka R25 580.00 mmogo le madi a tlaleletso go dira dikoketso tse di kgethegileng mo matlong a bona jaaka go ala lefatshe le ditselana tse di lebang kwa mejako, dikgwagetsi ka fa diphaposing tsa go tlhapela, le ditshipi tse di nang le maina tse di bewang fa mejakong mmogo le ditleloko tse di bonagalang tsa mo mejakong go thusa disusu.
Dithuso tse tsa madi, di newa baamogeladitshiamelo ba le 9 ba ba eletsang go reka ntlo kgotsa setsha se se setseng se le teng e bile e le sa konteraka ya baagi ba matlo mo mmarakeng. Dithuso tse tsa madi, di abelwa fela ba ba ka atlegang pele.
Fa e le gore o nna mo lefelong mo setsheng se se nang le ditirelo se puso e go rekiseditseng sona, gone o atlega go ka bona thuso ya madi ya tshwaraganyo e bile o tlile go amogela R12 521.00 go ka aga moago wa fa godimo kgotsa go ntlafatsa ntlo ya gago.
Dithuso tse tsa madi, di newa setheo sa kago ya matlo se se dumeletsweng se se ka bopiwang ke setlhopha sa batho ba ba bopang setlhopha se se tlileng go bona setsha sa bonno e bile ba tlile go se tsamaisa.
Ditheo tse, di bona R23 100.00 mo yuniting nngwe le nngwe ya matlo mo lelapeng lengwe le lengwe le le bonang lotseno lo lo ka fa tlase ga R3 500.00 ka kgwedi.
RHLF le tsepama mo maikaelelong-magolo a lona a go rebola dikadimo tsa madi ka tiriso ya batsereganyi, go malapa a a amogelang madi a mannye ka maikaelelo a kago ya matlo. Kago ya matlo ke ntlha e e eteletsweng pele ke batho, gape maikaelelo-magolo a RHLF ke go maatlafatsa malapa a a amogelang madi a mannye a kwa metseselegaeng go fitlhelela kerediti e e a kgontshang go ithusa, go dira dipoloko tsa madi le botswerere go aga le go tokafatsa matlo a bone mo tsamaong ya nako.
Ntlo ya lelapa la ga Malabeni, kwa Porofenseng ya Limpopo e agilwe ka dikadimo tsa madi di le tlhano tsa go latelana go tswa go moadimi wa RHLF e leng Agishana le dipoloko tsa madi tsa moadimi.
A, ke matlo a a agiwang ke boradikonteraka ba ba thapilweng ke porofense kgotsa mmasepala go setlhopha sa batho se se atlegang go bona dithuso tsa madi.
Madi a, a momaganngwa le lotseno lwa gago mme tlhaelo e e nnang teng ke boikarabelo jwa mong ntlo.
Phatwe 1997 ba neng ba kolota banka tuelo ya dikgwedi di le tharo mme ba tlhoka go thothela kwa matlong a ba ka kgonang go a duelela.
Lefapha la kago ya matlo le lekgotla la dibanka le tlhomile setlamo se se bidiwang SERVCON Housing Solutions (PTY) (LTD) go thusa go aba madi a go thotha jaaka karolo ya go tokafatsa bonno.
Thuso e ya madi, e abelwa batho ba ba batlang go ikagela matlo a e leng a bone. Fa Thuso ya madi e e tsamaelanang le diporojeke e abelwa konteraka go agela batho ba le mmalwa matlo, Lenaane la Bonno la Batho le letlelela batho kgotsa baamogeladitshiamelo go ikagela kgotsa go rulaganya kago ya matlo a bone.
Mo lenaaneng le, maikarabelo ke a batho go ikagela matlo a bone ka thuso e e tswang mo mokgatlhong o o tlhophilweng go thusa. Go na le matlole a a leng gone go duelela ditirelo tse tsa thuso.
Ke mang yo o tshwanelwang ke go duela R 2 479.00?
Puso e itsesitse molao wa gore baamogeladitshiamelo ba thuso ya madi ba tshwanetse go nna le seabe malebana le phitlhelelo ya mosola wa madi a thuso a bonno. Lebaka e le go netefatsa gore baamogeladitshiamelo ba thuso ya madi ba nna le seabe mo tharabololong ya ditlhokego tsa bonno jwa bona le go tlwaela go boloka madi le go bona boleng jwa go nna le dithoto tse di rebotsweng ke madi a thuso a bonno.
Go simolola ka 1 Moranang 2002 batho botlhe ba ba atlegang go bona thuso ya madi le bone ba tshwanelwa ke go ntsha madi.
Batsofe, digole le balwetse fa fela ba bona madi a a ka fa tlase ga R800.00 ka kgwedi.
Baamogeladitshiamelo tsa dithuso tsa madi tsa metseselegae.
Baamogeladitshiamelo tsa lenaane la bonno la batho le le dumeletsweng.
Baamogeladitshiamelo ba ba bonang matlo a puso ka ntlha ya maemo a tshoganyetso.
Thuso e ya madi, e lebisitswe kwa go baamogeladitshiamelo ba fela ba nang le ditshwanelo tsa lefatshe le ba ba nnang mo go lona. Lefatshe le, le bonwa segolosetonna kwa magaeng mme ke la puso le fa le laolwa ke botsamaisi jwa segosi. Dithuso tsa madi di abelwa fela diporojeke mme baamogeladitshiamelo ba thusiwa ke baemedi. Baamogeladitshiamelo ba na le tshwanelo malebana le gore ba dirisa madi a, go duelela ditirelo kgotsa go aga matlo kgotsa tsotlhe tse.
Kgale, segolosetonna mo ditoropong tsa batho bantsho jaaka; Soweto , Mamelodi jalo le jalo puso ya maloba e ne e rentisa matlo a e neng e a aga.
Batho ba ba neng ba nna mo matlong a pele ga 15 Mopitlwe 1991 jaanong ba ka dira kopo ya phokoletso mo tlhwatlhweng ya thekiso ya matlo a bona ya go fitlha go R7 500.00.
Go le gantsi matlo a, a newa batho kwa ntle ga tuelo ka gore phokoletso ya R7 500.00 e feta tlhwatlhwa ya thekiso.
Go ya ka Molao wa kago ya Matlo, tona ya kago ya matlo e itsisitse meetlo le mekgwa ya bosetšhaba mabapi le kago ya matlo.
Madi a a fitlhang R10 579.00 a ka dirisetswa bonnye jwa BOENJENERE Jo bo ka tlhokegang go aga ntlo.
MADI A A SALANG A A KANA KA R12 521.00 a tshwanetse go dirisetswa kago ya kwa godimo e fa e le nnye e tshwanetse go nna 30m.
Baamogeladitshiamelo ba ba eletsang go bona boradikonteraka ba tshwanetse go ikwadisa le khansele ya Bosetšhaba ya Kwadiso ya Baagi ba Matlo (NHBRC) e bile netefaletso ya dingwaga di le tlhano mabapi le mathata a a ka itemogelwang mo ntlong e tlile go dira.
Bophepa, kgamololo ya leswe le metsi di botlhokwa.
Baamogeladitshiamelo ba ba eletsang go nna le seabe mo kagong ya matlo a bona ka go dirisa Lenaane la bonno la batho ga go tlhokege gore ba ntshe madi.
Badirisanimmogo-le-rona ba Bosetšhaba ba Rona mo kagong ya matlo le gore ba dira eng?
NHFC e tlhomilwe ke puso go thusa go batla ditsela tse di botoka tsa go kokoanya matlole a a dirisetswang go aga matlo go tswa kwa ditheong tse di kwa ntle ga naga ka go dirisa mekgatlo e e farologaneng.
Go tsamaisa ka thelelo kabo ya madi a go thotha jaaka mokgwa wa go tokafatsa kago ya matlo. Se, ke kgolagano magareng ga dibanka le puso go tsamaisa ka thelelo kabo ya madi a go thotha jaaka mokgwa wa go tokafatsa kago ya matlo. Servcon e lebagane le ditirelo tsa tsamaiso tse di kgethegileng malebana le tiro e e tlhophilweng (baadimi ba madi botlhe mo mafelong a a amegang, ba melato ya dikgwedi di le tharo kgotsa go feta) e e nang le di PIP le di Npl di le 33,306 ka kadimo ya madi ya kwa tshimologong e e kana ka R1277317708 fela jaaka letlha la bofelo le lešwa la 31 Phatwe 1997.
Go amogela kgotsa go tlhabolola dilwana tsa go aga matlo tse di malebana le tekanyetso.
Servcon e tla tswelela ka go neela Thubelisha tshedimosetso ka botlalo ka ga malapa a a saenneng ditumalano tsa tekanyetso. Tshedimosetso e, e tla tswakiwa ke Thubelisha le go sekasekiwa go ya ka maemo a tikologo le go kgona ga malapa gore go tle go tlhomamisiwe palo, boleng le lefelo malebana le dilwana tsa go aga matlo tse di tlhokegang.
Tirokgolo ya Nurcha ke go bebofatsa tsamaiso ya madi go tswa kwa ditheong tsa madi go ya kwa tlhabololong ya kago ya matlo a lotseno lo lo kwa tlase. Mo ntlheng e, Nurcha e rebola netefaletso malebana le go fokotsa dikadimo tsa madi gape le go fokotsa dikadimo tsa madi tsa modirisi. Gape e laola manaane a Poloko ya madi malebana le kago ya matlo.
Go thusa ditheo tsa go aga gore di kgone go ikemela.
Go rotloetsa kgolagano ya fa gae le ya kwa moseja ka go kopanya batsayakarolo ba ba farologaneng mo diforamong tse di farologaneng, go tokafatsa go refosanngwa ga tshedimosetso le bokgoni mmogo le tirisanommogo.
Go dira letlhomeso la pholisi le le amang kago ya matlo.
Tirokgolo ya NHBRC ke go sireletsa dikgatlhego tsa bengmatlo ka go rebola netefaletso ya tshireletso kgatlhanong le diphoso mo matlong a mašwa gape le go rebolela bengmatlo tshireletso mabapi le fa baagi ba retelelwa ke go obamela maitlamo a bona go ya ka molao o.
Setšhaba se se nnang mo matlong a a siameng.
Go tlhoma le go bebofatsa tsela e e siameng e e tlamelang phitlhelelo e e lekanang ya matlo a a lekaneng mo go mongwe le mongwe.
Go agela setšhaba matlo.
Lefapha la kago ya matlo.
Bakhuduthamaga & Batlhankedi-Lefapha la kago ya matlo.
<fn>tsn_Article_National Language Services_SE MODIRI MONGWE LE MONGWE A TSHWANETSENG GO SE ITSE.txt</fn>
Kaedi eno e kwadilwe go lebeletswe dikgatlhego tsa boitekanelo le pabalesego ya badiri mo Aforika Borwa. Maitlhomo a yona ga se go emela Molao wa Boitekanelo le Pabalesego ya mo tirong, wa 1993. Maitlhomo a yona ke go tlhalosa Molao ono ka mareo a a bonolo a e seng a semolao go botlhe ba ba nang le seabe mo lephateng la boitekanelo le pabalesego ya mo tirong mo Aforika Borwa.
Seabe sa batlhatlhobi ba boitekanelo le pabalesego ya mo tirong ba Lefapha la Badiri se a tlhalosiwa. Go tlhagisiwa tiro le ditshwanelo tsa badiri jaaka di atolositswe mo Molaong. Go tlhagisiwa seabe le maikarabelo a bathapi, batlhagisi, batlhami, baromelateng, bathelesi mmogo le barekisi mo go netefatseng boitekenalo le pabalesego ya badiri. Mme kwa bokhutlong, go tlhalosiwa tiro ya baemedi le dikomiti tsa boitekanelo le pabalesego.
Molao wa Boitekanelo le Pabalesego ya mo tirong, wa 1993, o tlhagisa tlhokego ya gore mothapi a dire gore go nne le seemo sa tiro se se sireletsegileng le go tlhokomela gore se tswelela pele go nna teng ka moo go ka kgonegang ka teng, ntle le go tsenya boitekanelo jwa badiri mo kotsing. Seno se kaya gore mothapi o tshwanetse go netefatsa gore lefelo la tiro ga lena dilo tse di ka nnang kotsi di tshwana le bensini, tlelorini, ditshetsana tse dingwe, diatikele, didiriswa, dithulaganyo, j.j. tse di ka bakang dikgobalo, tshenyo gongwe malwetse. Mo mabakeng a seno se sa kgonegeng mo go ona, mothapi o tshwanetse go itsise badiri ka ga dikotsi tseno, mokgwa o di ka thibelwang ka ona, mokgwa wa go dira ka pabalesego, mme gape a ba tlamele ka mekgwa e mengwe e e babalesegileng e e ka dirang gore lefelo la tiro le babalesege.
Le gale, ga go a bewa fela mo magetleng a mothapi gore e nne ene ka nosi a rwalang maikarabelo a boitekanelo le pabalesego. Molao o ikaegile ka mogopolo wa gore dikotsi tse di kwa mafelong a tiro di tshwanetse go tsibogelwa ka dipuisano le tirisanommogo magareng ga badiri le mothapi. Badiri le mothapi ba tshwanetse go tlhakanela maikarabelo a boitekanelo le pabalesego mo lefelong la tiro. Maphata ka bobedi a tshwanetse go bonela pele le go supa dikotsi mme a tlhame mekgwa ya taolo go dira gore lefelo la tiro le babalesege. Ka go dira jalo, mothapi le badiri ba nna le seabe mo thulaganyong e mo go yona baemedi ba boitekanelo le pabalesego ba ka tlhatlhobang lefelo la tiro gangwe le gape mme ba begela komiti ya boitekanelo le pabalesego, e yona e tla fetisetsang dikatlenegiso kwa mothaping.
Go netefatsa gore thulaganyo eno e a dira, modiri mongwe le mongwe o tshwanetse go itse tiro le maikarabelo a gagwe jaaka di tlhagelela mo Molaong.
Molao o o itsegeng jaaka Molao wa Boitekanelo le Pabalesego ya mo tirong wa 1993 (Molao wa 85 wa 1993) o na le dikarolo di le 50 tse di rebotsweng ke palamente. Maitlhomo a Molao ono ke go tlamela ka boitekanelo le pabalesego ya batho ba ba dirang gongwe tebang le tiriso ya dipolante le metšhini. Gape o tlamela ka pabalesego ya batho ba bangwe ntle le batho ba ba kwa tirong kgatlhanong le dikotsi tse di ka tlhagelelang ka ntlha ya, gongwe tse di amanang le ditiro tsa batho ba ba kwa tirong.
Tona ya badiri o tsenya Melawana e e farologaneng e e amanang le ditlhogo tse dirileng mo Molaong ono gangwe le gape.
Molao gongwe melawana e ka rekwa kwa Bagatising ba Puso e le Gazette gongwe e tshwaragantswe go tswa ka bagatising ba ba farologaneng.
Molao wa Boitekanelo le Pabalesego ya mo Tirong o tsamaisiwa ke Bokaedi Bogolo jwa Boitekanelo le Pabalesego ya mo Tirong jwa Lefapha la Badiri.
Go tlhomilwe dikantoro tsa diporofense mo diporofenseng tsotlhe go netefatsa boitekanelo le pabalesego ya badiri. Go fitlha ga jaana, batlhatlhobi ba boitekanelo le tshireletsego ya mo tirong go tswa ka dikantorong tseno tsa diporofense, ba tsweletsa ditlhatlhobo kwa mafelong a tiro.
Go le gantsi ditlhatlhobo di rulaganngwa go ya ka dipalopalo tsa dikotsi, go nna teng ga dilo tse di kotsi jaaka tiriso ya bensini kwa matlhatswetsong, gongwe tiriso ya metšhini e e kotsi ko mafelong a tiro. Ka fa go je lengwe, ditlhatlhobo tse di sa rulaganngwang tsona go le gantsi di tlhagelela fa go nnile le boikuelo gongwe dingongorego go tswa kwa badiring, bathaping, gongwe kwa baaging. Dingongorego gongwe boikuelo di tsewa e le khupamarama.
Mo mabakeng a go nang le kgonagalo ya kotsi, motlhatlhobi a ka thibela tiragalo nngwe e e rileng, thulaganyo, gongwe tiriso ya motšhini gongwe sediriswa ka go dirisa ya Kitsiso ya thibelo. Ga go ope yo o tshwanetseng go ikgatholosa diteng tsa kitsiso e e jalo mme e tshwanetse ya ikobelwa ka gangwe fela.
Fa tlamelo ya molawana e tlotswe, motlhatlhobi a ka ntshetsa badiri gongwe mothapi, kitsiso ya tlolomolao. Go tlola Molao go ka dira gore motho a atlholwe ka gangwe fela, mme le gale fa go tlotswe molawana, mothapi a ka fiwa tshono ya go siamisa tlolomolao eo mo nakong e e rileng e e tla bong e tlhalositswe mo kitsisong, mme gantsi e ka nna malatsi a le 60.
Mo go fitlhelwang thulaganyo ya boitekanelo le pabalesego e e dirisiwang ke mothapi, e sa tlamele ka tlhokomelo e e kgotsofatsang ya boitekanelo le pabalesego ya badiri, motlhatlhobi a ka laela mothapi go leka thulaganyo e e botoka e e ka amogelesegang. Mothapi o tla ntshediwa kitsiso ya tokafatso e e tlhagisang ditokafatso tse di tshwanetseng go dirwa.
Go kgontsha motlhatlhobi go tsweletsa tiro ya gagwe, a ka tsena kwa lefelong lengwe le lengwe la tiro le kwa go lona go diriswang metšhini gongwe didiriswa dingwe tse di kotsi mme a botsolotsa gongwe a ntsha tagafara ya gore mongwe a itlhagise kwa go ena. Motlhatlhobi a ka kopa go fiwa dikwalo dingwe, a batlisisa mme a dira dikhopi tsa dikwalo, mme gape a batle tlhaloso tebang le dintlha dingwe mo dikwalong tseo. Motlhatlhobi a ka tlhatlhoba maemo mangwe le mangwe gongwe athikele gongwe a tsaya disampole, mme a ka tsaya athikele nngwe le nngwe e e ka dirisiwang jaaka bopaki.
Ela tlhoko: Dithata tse di kailweng fa godimo tsa batlhatlhobi ga di a tsepama. Mongwe le mongwe yo o sa dumelaneng le tshwetso ya motlhatlhobi a ka ikuela kgatlhanong le yona ka go kwalela go : Motlhatlhobimogolo, Boitekanelo le Pabalesego ya mo Tirong, Lefapha la Badiri, Kgetsana ya Poraefete X117, Pretoria, 0001.
Mothapi o tshwanetse go dirang go netefatsa gore tikologo ya tiro e babalesegile mme ga ena kotsi mo boitekanelong ya badiri ba gagwe?
Mothapi o tshwanetse go tlamela le go tlhokomela didiriswa tsotlhe tse di tlhokegang go dira tiro, gammogo le dithulaganyo tsotlhe tse tiro e tshwanetseng go dirwa go ya ka tsone, mo seemong se se se kitlang se ama boitekanelo le pabalesego ya badiri. Pele ga go ka dirisiwa didiriswa tsa go itshireletsa, mothapi o tshwanetse pele go leka go tlosa gongwe go fokotsa kotsi nngwe le nngwe e e ka nnang teng mo boitekanelong le mo pabalesegong ya badiri ba gagwe. Go tshwanetse ga dirisiwa didiriswa tsa go itshireletsa fela fa seno se sa kgonagale. Mothapi o tshwanetse go tsaya dikgato tsa go sireletsa boitekanelo le pabalesego ya badiri ba gagwe kgatlhanong le dikotsi tse di ka bakwang ke tlhagiso, thulaganyo, tiriso, go tshwara, go boloka gongwe go rora diathikele gongwe dilo. Ka mantswe a mangwe, sengwe le sengwe se badiri ba ka amanang le sona kwa tirong.
go supa dikotsi tse di ka nnang teng fa tiro e dirwa, go tlhagisiwa sengwe, go tsamaisiwa sengwe, go dirisiwa sengwe, se bolokwa gongwe se rorwa, gammogo le didiriswa tse di dirisiwang.
a tlhame ditsela tsa pabalesego tse di tlhokegang go sireletsa badiri ba gagwe kgatlhanong le dikotsi tse di supilweng mmogo le go tlamela ka mekgwa ya go tsenya tirisong ditsela tseno tsa pabalesego.
go tlamela ka tshedimosetso e e tlhokegang, ditaelo, katiso mmogo le tlhokomelo go ntse go etswe tlhoko bokgoni jwa badiri. Ka mantswe a mangwe, gore ke eng se ba ka se dirang le se ba ka se keng ba se dira go se letle gore go se nne le ope yo o tla tswelelang ka tiro nngwe le nngwe ntle fela le fa go latelwa ditsela tse di tlhokegang tsa pabalesego go tsaya dikgato tsa go netefatsa gore mongwe le mongwe yo o mo taolong ya gagwe o ikobela ditlhokego tsa Molao go tsenya tirisong thulaganyo e e tlhokegang ya taolo mo dikgatlhegong tsa boitekanelo le pabalesego go bona gore tiro e e dirwang mmogo le didiriswa tse di diriswang di tlhokometswe ke modiri o o katisitsweng mme a tlhaloganya matshosetsi a a amanang le tiro eo go bona gore modiri yoo o netefatsa gore thulaganyo ya tshireletso e tsenngwa tirisong mme e a tswelediwa.
Mothapi o tshwanetse go netefatsa gore modiri mongwe le mongwe o na le tshedimosetso mme o tlhaloganya ka botlalo matshosetsi a a ka nnang teng a a ka amang boitekanelo le pabalesego fa tiro e dirwa, go tlhagisiwa sengwe, go tsamaisiwa sengwe, go dirisiwa sengwe, se bolokwa gongwe se rorwa, gammogo le kotsi ya didiriswa tse di dirisiwang. Mothapi o tshwanetse jaanong a tlamela ka tshedimosetso e e ka ga thulaganyo ya tshireletso e e ka dirisiwang kgatlhanong le matshosetsi ano.
Mothapi o tshwanetse go lotlegela baemedi ba boitekanelo le pabalesego fa motlhatlhobi a sena go mo itsise ka ga ditlhatlhobo le dipatlisiso tse di tla dirwang kwa lefelong la tiro. Mothapi o tshwanetse gape go lotlegela baemedi ba boitekanelo le pabalesego ka ga kopo nngwe le nngwe ya kgololo e e dirilweng, gongwe kgololo nngwe le nngwe e a e reboletsweng go ya ka Molao. Kgololo eno e kaya go gololwa mo ditlamelong dingwe tsa Molao, melawana, dikitsiso gongwe ditaelo tse di ntshitsweng go ya ka Molao.
Mothapi o tshwanetse go itsise ka bonako jo bo kgonegang, baemedi ba boitekanelo le pabalesego, ka ga tiragalo ya kotsi mo lefelong la tiro. Tiragalo ke fa go diragetse sengwe kwa tirong mme motho a tlhokafetse, a gobetse gongwe a lwala. Seno se kaya gape go tshologa ga dikhemikhale tse di kotsi, go tshwana le fa tanka e dutla formaldehyde (dire tsa khemikhale e e dirisiwang kwa diindasetering) ka ntlha ya belefo e e nang le bothata, gongwe fa motšhini o tswa mo taolong, ntle le go bolaya gongwe go gobatsa ope.
diathikele tsa bone di babalesegile mme ga di na dikotsi mo boitekanelong mme gape di ikobela ditlhokego tsotlhe tse di rebotsweng fa go tlhongwa sebopego gongwe athikele mo lefelong lengwe le lengwe, go tshwanetse ga dirwa jalo ka mokgwa o o sa tlholeng seemo se se sa babalesegang gongwe se se kotsi mo boitekanelong.
tiriso ya dire kwa tirong matshosetsi a boitekanelo le pabalesego a a amanang le dire seemo se se tlhokegang go netefatsa gore sere seo se babalesegile mme ga se nne le kotsi mo boitekanelong fa se dirisiwa ka tolamo ditsela tse di tshwanetseng go latelwa fa go ka nna le kotsi.
Fa motho yo o rekiseditsweng athikele gongwe sere a ikana ka go kwala gore o tla tsaya dikgato tse di tlhagisitsweng go netefatsa gore athikele gongwe sere se tla fitlhelela ditlhokego tsotlhe tse di rebotsweng, mme se tla nna se babalesegile gape se sena kotsi mo boitekanelong, ditiro tsa moromelateng, motlhami, morekisi, mothelesi gongwe motlhagisi di sutisiwa ka gangwe go ya kwa mothong yo o tsayang maikano a go tsaya dikgato tseo.
go tlhokomela boitekanelo le pabalesego ya gagwe, gammogo le ya batho ba bangwe ba ba ka neng ba ka amiwa ke ditiro tsa gagwe gongwe go ikgatholosa go dira ga gagwe. Seno se akaretsa go tshameka kwa tirong. Batho ba le bantsi ba bone dikgobalo gongwe ba aga le badimo ka ntlha ya go tshameka makgwakgwa kwa tirong, mme seno se tsewa jaaka tlolo molao.
mo Molao o laelang tlhokego ya gore modiri a dirisane le mothapi go naya motlhatlhobi go tswa kwa Lefapheng la Badiri tshedimosetso fa a e tlhoka go diragatsa ditaelo dingwe le dingwe tse di mo molaong tse di rebolwang ke mothapi gongwe motho mongwe yo o nang le dithata tsa go dira jalo tebang le boitekanelo le pabalesego go ikobela melawana le ditsela tsotlhe tse a di newang ke mothapi go apara diaparo tse di rebotsweng tsa pabalesego gongwe go dirisa didiriswa tsa pabalesego tse di rebotsweng fa go tlhokegang teng go bega seemo se se sa babalesegang gongwe se se sa siamelang boitekanelo kwa mothaping gongwe kwa moemeding wa boitekanelo le pabalesego ka bonako jo bo kgonegang fa a amegile mo kotsing e e ka amang boitekanelo jwa gagwe gongwe e e ka tlholang dikgobalo, o tshwanetse go begela mothapi gongwe motho mongwe yo o nang le dithata, kgotsa moemedi wa boitekanelo le pabalesego ka ga tiragalo eo ka bonako jo bo kgonegang, mme seno se tshwanetse go dirwa pele ga fa šifiti e wela.
Molao wa Boitekanelo le Pabalesego ya mo tirong mmogo le melawana melao ya boitekanelo le pabalesego ga mmogo le thulaganyo ya tsamaiso mo lefelong la tiro seemo sa boitekanelo le pabalesego se mothapi a tshwanetseng go se tlhokomela mo tirong.
Modiri a ka kopa gore ngaka ya gagwe ya poraefete e batlisise direkoto tsa gagwe tsa bongaka mmogo le tsa kamano.
Fa modiri e le moemedi wa boitekanelo le pabalesego, a ka batlisisa le go tshwaela ka go kwala, ka ga patlisiso ya kamano mmogo le dipegelo tsa tlhokomelo.
Fa modiri e le moemedi wa boitekanelo le pabalesego, a ka tsamaya le motlhatlhobi wa boitekanelo le pabalesego go tswa kwa Lefapheng la Badiri ka nako ya go tlhatlhoba lefelo la tiro mme a araba dipotso dingwe le dingwe tse di ka bodiwang ke motlhatlhobi.
Modiri a ka tshwaela gongwe go dira tlhagiso ka ga molawana gongwe seemo sa pabalesego se se phasaladitsweng ka fa tlase ga Molao wa Boitekanelo le Pabalesego ya kwa Tirong.
Modiri ga a dira sengwe se e leng gore se thibetswe go ya ka Molao modiri o tlhagisitse bopaki kwa pele ga Lekgotla la Badiri gongwe kwa Lekgotleng la molao tebang le dintlha tse di amanang le boitekanelo le pabalesego.
Modiri a ka ikuela kgatlhanong le tshwetso ya motlhatlhobi. Boikuelo jo bo kwadilweng bo ka fetisediwa go Motlhatlhobimogolo, Boitekanelo le Pabalesego ya mo Tirong, Lefapha la Badiri, Kgetsana ya Poso X117, Tshwane, 0001.
Ga go ope yo o tshwanetseng go kgoreletsa gongwe go dirisa botlhaswa ditlamelo tse di tlametsweng mo dikgatlhegong tsa boitekanelo le pabalesego. Go fa sekai, motho ga a tshwanela go tlosa sesireletsi sa pabalesego mo motšhining mme a dirise motšhini oo gongwe a letla mongwe fela go o dirisa ntle le sesireletsi seo.
Baemedi ba boitekanelo le pabalesego ke eng?
Ke badiri ba ba tletseng ba ba tlhophilweng gongwe ba nopotswe mme ba reboletswe tiro ka makwalo ke mothapi morago ga gore mothapi le badiri ba buisane mme ba fitlhelele tumelano ya gore ke bomang e tla nnang baemedi ba boitekanelo le pabalesego. Gape ba tshwanetse ba bo ba itse le go tlhaloganya maemo le seemo se se kwa karolong ya lefelo la tiro le ba tlhomiwang kwa go lona. Go tshwanetse gape gore go dumelanwe ka sebaka sa go dira jalo gammogo le ditiro tsa baemedi ba boitekanelo le pabalesego mme seno se tshwanetse go dumelanelwa ke badiri le mothapi.
Go tshwanetse ga tlhomiwa baemedi ba boitekanelo le pabalesego ba le kae?
Go tshwanetse ga tlhomiwa moemedi kwa lefelong lengwe le lengwe la tiro le le nang le badiri ba le 20 gongwe go feta. Ka jalo, kwa go thapilweng fela badiri ba le 19, ga go tlhokege go tlhoma moemedi.
Kwa mabentleleng le kwa dikantorong gona, go tshwanetse ga tlhomiwa moemedi a le mongwe mo badiring bangwe le bangwe ba le 100 gongwe bontlhabongwe jwa palo eno. Go fa sekai, go tshwanetse ga tlhomiwa moemedi a le mongwe mo go nang le badiri ba le 21 go ya go 100. Fela go tshwanetse ga tlhomiwa baemedi ba le babedi kwa go nang le badiri ba le 101 go ya go 200, jj.
Kwa mafelong a mangwe a ditiro gona, moemedi a le mongwe a ka tlhomelwa badiri bangwe le bangwe ba le 50 gongwe bontlhabongwe jwa palo eo. Go naya sekai, moemedi a le mongwe a ka tlhomelwa badiri ba le 21 go ya go 50. Fela go tshwanetse ga tlhomiwa baemedi ba le babedi kwa go nang le badiri ba le 51 go ya go 100.
Motlhatlhobi a ka tlhagisa tlhokego ya gore go tlhomiwe baemedi ba le bantsi le mo mafelong a go nang le badiri ba ba kwa tlase ga 20, mme seno se laolwa ke mabaka. Go naya sekai, sebopego sa polante se ka ne se le ka mokgwa o o dirang gore go tlhoma moemedi a le mongwe go badiri ba le 50 go se ke ga kgonega. Ka jalo motlhatlhobi a ka tlhoka gore go tlhomiwe baemedi ba bangwe ba tlaleletso. Le gale, fa mothapi le badiri ba dumela, go ka tlhomiwa palo e e fetang e e rebotsweng ya baemedi.
Baemedi ba boitekanelo le pabalesego ba tshwanetse go tlhomiwa leng?
Mo sebakeng sa dikgwedi di le nne morago ga mothapi a sena go simolola kgwebo. Mothapi yo o nang le badiri ba palo ya bona e fetang 20, mme kgwebo ya gagwe e na le sebaka se se ka fa tlase ga dikgwedi di le nne e ntse e dira, ga a tshwanela go tlhoma baemedi. Gape mo mabakeng a go thapiwang badiri ka setlha se se rileng go tla go dira kwa dipolaseng, mme seno se baka gore palo ya badiri e fete 20 mo pakeng e e ka fa tlase ga dikgwedi di le nne, gona ga go tlhokege gore go ka tlhomiwa baemedi.
Baemedi ba boitekanelo le pabalesego ba tshwanetse go dira ditiro tsa bona leng?
Ditiro tsotlhe go akarediwa tse ba di tlhometsweng, tiro le katiso ya badiri, di tshwanetse go dirwa ka nako e e tlwaelegileng ya tiro.
Baemedi ba boitekanelo le pabalesego ba tshwanetse go dira eng?
Baemedi ba ka sekaseka bokgoni jwa dithulaganyo tsa tsamaiso ya boitekanelo le pabalesego ka go runa boitekanelo le pabalesego.
Baemedi ba ka supa dikotsi tse di ka nnang gona mo lefelong la tiro mme ba di begela komiti ya boitekanelo le pabalesego gongwe mothapi.
Baemedi le mothapi ba ka tlhotlhomisa ditiragalo tse di diragetseng, ba tlhotlhomisa dingongorego tse di tswang kwa badiring tebang le merero ya boitekanelo le pabalesego mme ba tlhagisa dipegelo tsa tsona di kwadilwe.
Baemedi ba ka tlhagisa ditlhagiso tebang le pabalesego ya lefelo la tiro go mothapi gongwe komiti ya boitekanelo le pabalesego, gongwe fa ditlhagiso di sa atlega, di ka tlhagisiwa fa pele ga motlhatlhobi.
Mosola wa dikomiti tsa boitekanelo le pabalesego ke eng?
Ditokololo di kopana gore di simolole, di rotloetse, di tlhokomele mmogo le go sekaseka gape ditsela tsa go netefatsa boitekanelo le pabalesego ya badiri.
Dikomiti tsa boitekanelo le pabalesego di tshwanetse go tlhomiwa leng?
Go tshwanetse ga tlhomiwa bonnye komiti e le nngwe fa go tlhomiwa baemedi ba le babedi gongwe go feta.
Komiti ya boitekanelo le pabalesego e tshwanetse go nna le ditokololo di le kae?
fa go tlhomilwe komiti e le nngwe fela mo lefelong la tiro, baemedi botlhe ba tshwanetse go nna ditokololo tsa yona fa go tlhomilwe dikomiti di le pedi gongwe go feta mo lefelong la tiro, moemedi mongwe le mongwe o tshwanetse go nna tokololo ya nngwe ya dikomiti tseo.
Ka jalo, moemedi mongwe le mongwe o tshwanetse go nna tokololo ya komiti. Gape mothapi a ka tlhopha batho ba bangwe go mo emela kwa komiting, mme le gale batho bao ba ba tlhophilweng ga ba a tshwanela go feta palo ya baemedi ba ba tlhomilweng mo komiting eo. Le gale fa motlhatlhobi a ka bona e kete palo ya dikomiti tse di mo lefelong la tiro ga e a lekana, a ka swetsa gore go tlhomiwe dikomiti tse dingwe tsa tlaleletso.
Baemedi ba boitekanelo le pabalesego ba tshwanetse go kopana ga kae?
Ba kopana ka nako nngwe le nngwe fa go tlhokega, mme bonnye e tshwanetse go nna gangwe mo dikgweding dingwe le dingwe di le tharo. Komiti ke yona e swetsang ka nako le lefelo. Le gale, fa diperesente di le 10 (10%) gongwe go feta, tsa badiri di ka tsenya kopo ya go nna le kopano le motlhatlhobi, motlhatlhobi a ka laela gore kopano eo e tshwarelwe kwa lefelong le le batlwang ke ena le ka nako e e beilweng ke ena.
Ke mang a swetsang ka ga thulaganyo ya tsamaiso kwa kopanong?
Ditokololo tsa komiti di tlhopha modulasetilo mme di swetsa ka sebaka se a tshwanetseng go se kokomala mo setilong, tsamaiso ya dikopano, j.j.
A dikomiti tsa boitekanelo le pabalesego di ka ikgolaganya le baitseanape go bona dikgakololo?
Ee, go jalo, dikomiti di ka tlhopha batho bangwe go nna ditokololo tsa bogakolodi ka ntlha ya kitso le bokgoni jwa bona mo mererong ya boitekanelo le pabalesego. Le gale, tokololo ya bogakolodi ga e na tetla ya go tlhopha.
Dikomiti tsa boitekanelo le pabalesego di dira eng?
Dikomiti di dira fela ka merero ya boitekanelo le pabalesego kwa lefelong la tiro gongwe dikarolwana tsa teng tse di tlhometsweng dikomiti tsa mofuta ono.
Komiti e tshwanetse go dira dikatlenegiso go mothapi tebang le boitekanelo le pabalesego ya badiri. Mo mabakeng a go fitlhelwang gore dikatlenegiso tseno ga di lebise kwa go rarabololeng bothata, komiti e ka dira dikatlenegiso go motlhatlhobi.
Komiti e tshwanetse go buisana ka ga tiragalo nngwe le nngwe e e lebisang kwa kgobalong, bolwetse, kgotsa loso la mongwe wa badiri mme e ka isa pegelo e e kwadilweng ka ga yona go motlhatlhobi.
Komiti e tshwanetse go tshola rekoto ya katlenegiso nngwe le nngwe e e ileng go mothapi mmogo le pegelo nngwe le nngwe e e ileng go motlhatlhobi.
Ditokololo tsa komiti di tshwanetse go dira tiro nngwe le nngwe e e tlhokegang go ya ka melawana.
Mothapi ga a tshwanela go dira dikgogo dipe go tswa mo dituelong tsa modiri tebang le sengwe le sengwe se a tlhokang go se dira mo dikgatlhegong tsa boitekanelo le pabalesego go ya ka Molao.
Fa ngaka e tlhatlhoba gongwe e alafa mongwe yo o lwalang bolwetse jo a belaelang gore bo ka ne bo tswa kwa tirong ya molwetse, ngaka e tshwanetse go bega kgetse eo kwa mothaping wa modiri gongwe kwa go Motlhatlhobimogolo.
Bathapi le badiri ba tshwanetse go ikobela dikaelo, makwalotaelo a go tlhagelela kwa kgotlatshekelo, dikopo gongwe ditaelo tsa batlhatlhobi. Go tlaleletsa seno, ga go ope yo o tshwanetseng go thibela ope go ikobela tseno.
Dipotso tsa motlhatlhobi di tshwanetse go arabiwa mme le gale ga gona ope yo o patelesegang go araba potso e e ka dirang gore a itshwarise. Go itshwarisa go kaya gore motho o tlhalosa gore ke ena a rwalang maikarabelo a tlolo molao.
Motlhatlhobi o tshwanetse go tlamelwa ka ditlhokego tse di maleba gammogo le go newa thuso e a ka e tlhokang go tsweletsa tlhotlhomiso fa go tlhokega jalo. Motlhatlhobi a ka kopa gape gore go tsenelwe ditlhotlhomiso. Ga go ope yo o tshwanetseng go tlhapatsa motlhatlhobi gongwe go kgoreletsa ditlhotlhomiso ka bomo.
o ne a sa ntsha tetla o tsere dikgato tsotlhe tse di neng di ka kgonega go leka go thibela seo modiri o ne a sa dire go ya ka bokgoni jwa gagwe. Ka mantswe a mangwe, seno se kaya gore modiri o dirile sengwe se a neng a itse sentle gore o ne a sa tshwanela go se dira.
Seno se ama gape le barongwa ba mothapi, go fa sekai, mokonteraka potlana, ntle fela le fa maphata o o mabedi a kwadile tumelano pele ga moo gore morongwa o tla ikobela jang ditlamelo tsa Molao.
<fn>tsn_Article_National Language Services_SE UTSWITSWE.txt</fn>
Bosenyi jwa thoto jo bo jaaka bogodu, go thuba mo mabentleleng, go phamola dibeke/diselefounu le bogodu go tswa mo dikoloing di baka kutlobotlhoko le botlhoki jo bo sa tlhokegeng. Go reka dithoto tse di bonweng ka mokgwa o o seng ka fa molaong , go rotloetsa disenyi go ipoeletsa.
v SE REKE dithoto tse di utswitsweng.
v E re NNYAA ka dithoto tse di utswitsweng.
v Fitlha selefounu ya gago KA METLHA fa o tsamaya mo mmileng.
v O SE KA wa tlogela selefounu ya gago e sa tlhokomelwa mo mafelong a setšhaba.
v O SE KA wa tlogela dilotlolo tsa gago di lekeletse mo kgorong. Go bonolo go dira dinotlolo tsa sebedi go tsena bonolo mo ntlong ya gago moragonyana.
Ga go a bolokesega go tlogela dilotlolo kwa ntle, e ka nna ka fa tlase ga mmetse kgotsa ka fa ngkgwaneng ya ditšheše.
v Fa o rekile dilwana tsa boiketlo, gagolela mabokoso mo dipolasetiking tse ntsho - lebokoso le le tshwailweng ke sesupo sa seo magodu a ka se fitlhelang mo ntlong ya gago.
v O SE KA wa reka dilwana tse dintle tse di bontshiwang ka go iphitlha mo mebileng. Thekiso e e lolameng ga e dirwe ka tsela eo.
v O SE KA wa reka mefuta ya dinkgamonate, diaparo kgotsa dithoto dingwe le dingwe tse di tlhwatlhwagodimo ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase go tswa mo barekising ba ba belaetsang.
v O SE KA wa tlogela dilotlolo tsa koloi ya gago mo koloing, le fa e ka nna disekonto di se kaenyana fela.
v O SE KA wa tlogela dilwana tse di botlhokwa mo seting ya koloi. Bogolo di tsenye mo butung ya koloi.
v Nna KELOTLHOKO fa o apere dibenyane tse di tlhwatlhwagodimo kgotsa fa o tshotse didiriswa tse di tlhwatlhwagodimo.
v O SE KA wa tshola sepatšhe sa gago sa madi mo kgetsaneng e e ka fa morago ya borokgwe kgotsa wa tlogela beke ya gago e sa tlhokomelwa.
A rotlhe re tswaleleng mmaraka wa dithoto tse di utswitsweng. Ke bosenyi, mme bo a otlhaelwa semolao - go ntse fela jalo le ka go amogela dithoto tse di utswitsweng. GANA, MME O BEGELE sepodisi dithoto dingwe le dingwe tse o belaelang di ka tswa di utswitswe. A rotlhe re kgaoleng ketane ya bosenyi mme re beeletse mo Aforika Borwa o o bolokesegileng.
<fn>tsn_Article_National Language Services_SETSO BODUMEDI LE MOLAO WA TEKATEKANO.txt</fn>
Melao ya setso le bodumedi ke dintlha tsa dipopego tsa bong mo setšhabeng le mekgwa e e dirisiwang go gatelela le go laola basadi.
Setso ke eng?
Setso se tlhalosiwa e le go fetisiwa ga dintlha dingwe tsa setso go tswa go tshika go ya kwa go e nngwe, bogolo segolo ka tsela ya puo.
Setlhopha sa meetlo gongwe ditlwaelo tseo se tsewa e le thulaganyo e e susumetsang se se diragalang ga jaana: setso sa lelapa se se latelwang ka meaparo le maitsholo.
Ka ntlha ya seno, ditiro tse di farologaneng tsa setso di fetisediwa le go latelwa ke ditshika tse di latelang.
Fa ditso tse dintsi di tsweletsa go tshela mmogo le kopano, tse dingwe di gogola boitekanelo jwa mmele le maikutlo jwa batho ba bangwe, bogolo segolo basetsana le basadi.
Ditso tse di utlwisang botlhoko di na le mefuta e e farologaneng fela tshimologo ya tsona e tswa kwa morago fela kwa dikamanong tse di senang tekatekano tsa loago le tsa ikonomi magareng ga banna le basadi. Ditiro tse di jalo di bonwa e le karolo ya botlhokwa ya setso sa loago.
Ditso tse dingwe tse di diragadiwang tse di akaretsang basadi, di akaretsa tse di latelang: diteko tsa bogammana; bogadi; go nyala lefufa.
Bodumedi ke eng?
Bodumedi ke setheo sa botho se go tlhamilweng tsamaiso e e boitshepo mo go sona1. Gape bo tlhalositswe jaaka thulaganyo ya ditumelo gongwe ditiro tse mo go tsona setlhopha sa batho se kgaratlhang mmogo ka mathata a botshelo. Bodumedi bo ka dirisiwa jaaka letshwao la pharologano go letlelela go kgaphela thoko mo loagong le go beelwa thoko, gammogo le go rulaganngwa ditlhopha tsa loago ka tatelano e e rileng.
Seabe sa ditheo tsa bodumedi mo setšhabeng sa rona se gateletse megopolo ya batho fela malebana le go tlhalosa seabe sa batho ba bong jo bo farologaneng.
Go botlhokwa tota gore go sekasekwe kamano magareng ga bong le bodumedi, mme seno se maleba bogolo segolo fa go lebeletswe ka moo go dirisitsweng dikganetsano tsa sedumedi ka gona go kgaphela basadi kwa thoko. Go kaiwa gore "bodumedi e sa le e le, mme e bile e ntse e le modi o mogolo wa go nyatsiwa le go kgaphelwa thoko ga basadi"3 ka ntlha ya boleng jwa jona le ka moo bo nang le maatla ka gona mo setšhabeng.
Khonferense ya Ditšhabakopano ya Bone ya Lefatshe ya Basadi kwa Beijing (Letlhomeso la Tiro la Beijing).
Kgoeletso ya Khonferense ya Borataro ya basadi ya Kgaolo ya Aforika ka ngwaga wa 1999.
Molao wa Thapo ka Tekatekano wa bo55 wa ngwaga wa 1998.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Sephuthelo.txt</fn>
O amogetswe mo Serising ya Temokerasi ya Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho. Serisi eno ke sete ya dikarata di le nne tse di tseegang le go buisega bonolo. Dikarata tseno di leka go go bontsha gore ditlhopho di go kgontsha go dira sengwe - sengwe se se botlhokwa tota. Ditlhopho ke thulaganyo e e tswelelang pele. Fa batho ba nna le seabe mo thulaganyong eno, ba tlhalosa gongwe go bontsha se ba se tlhokang gongwe ba se batla malebana le ntlha e e rileng.
Ka go tlhopha, o tlhalosa gongwe go bontsha se o se tlhokang gongwe se o se batlang. O tlhagisa boitlhophelo jwa gago.
Ditlhopho di simolola ka motho ka nosi - ka mantswe a mangwe, wena.
Go botlhokwa gore o tlhaloganye gore go tlhopha ke kgato e e maatla tota. Go botlhokwa tota gore o tlhaloganye tota gore o dira eng fa o tlhagisa boitlhophelo jwa gago. Re rata gore o akanye ka tshedimosetso e o tla e fitlhelang mo dikarateng, gore fa o setse o di buisetse tsotlhe, o tle o tlhaloganye sentle gore o botlhokwa jang mo temokerasing e tshwana le ya Aforika Borwa.
Mo dikarateng re go kopa gore o simolole ka go itebelela o le nosi, fa lo le babedi, o le mo lelapeng, mo mokgatlhong gongwe mo baaging. Go tloga moo, o tla lebelela Aforika Borwa, mme re go thuse go bona gore a o tlhaloganya gore wena o tsena fa kae mo dipopegotheong di tshwana le dioto (wards), makgotlatoropo, porofense le naga ya gaeno, e leng Aforika Borwa. Fa o setse o dirile seo, jaanong o tla bo o siametse go akanya ka gore o tsena fa kae mo Kontinenteng ya Aforika le mo Lefatsheng ka bophara.
Re dumela gore seno se tla go thusa go lebelela ditlhopho tsa Aforika Borwa ka tsela e e farologaneng. Re dumela gore ka nako e o tla bong o feditse ka dikarata tsotlhe, o tla bo bogolo o ikemiseditse go ka akanya gape ka boitlhophelo jwa gago jwa go nna le seabe gongwe go se nne le seabe mo ditlhophong.
Re solofela gore o tla itumelela go buisa ka ditlhogo tseno. Re lekile go go naya tshedimosetso ya botlhokwa go gaisa mo ditlhogong tseno, fela ga re a leka go akaretsa dintlha tsotlhetsotlhe. Gape re tlhophile tsela e e rileng ya go akanya malebana le ditlhogo tseno. Ga se yona tsela e le nosi fela. Le gale re dumela gore ke tsela e e mosola ya go lebelela dintlha tsa kitso tse di ka dirang phapang e kgolo mo botshelong jwa gago.
Akanya ka ga se!
Rotlhe re batla go nna le lefoko mo ditshwetsong tse di re amang. Re batla go nna karolo ya thulaganyo eo. Batho ga ba rate go ikutlwa e kete go mongwe yo o laolang matshelo a bona. Ga re rate rate fa batho ba tsaya ditshwetso tse di re amang mme re sa itse sepe ka seo. Bontsi jwa rona bo rata go nna karolo ya thulaganyo eo. Go batho bangwe ba ba reng ga ba batle go nna le seabe, fela go tla nako nngwe mo botshelong jwa bona moo ba utlwang sengwe mo ditlhogong tsa bona, mme ba simolole go botsa, Ke ne ke le kae fa go tsewa tshwetso eo?
Mo temokerasing, ditshwetso di tsewa ke BOTLHE ba ba amegang, e ka nna ka tlhamalalo gongwe e seng ka tlhamalalo. Ela tlhoko gore re gatelela "BOTLHE". Re dira seno go gatelela ka moo mongwe le mongwe a leng botlhokwa ka gona!
Mme tota ke eng mongwe le mongwe a le botlhokwa jalo?
Karabo ya seno e bonolo moo tota o ka se keng wa akanya ka yona: Ka ntlha ya gore o gona! O motho! O wena! O gona! O na le tshwanelo ya go nna gona.
Tshwanelo ke eng Tshwanelo ke sengwe se o ka se batlang. Ke sengwe se o nang le tshiamelo ya sona. Ditshwanelo tsa botho ke ditshwanelo tse o ka di batlang gonne o le motho. O na le tshiamelo ya tsona fela ka gore o le motho. Tlhokego e le nngwe fela ke gore o gona! Ga o tlhoke gore o bo o rutegile gongwe o humile. Ga go tlhokege gore o bo o nna kwa karolong e e riling ya lefatshe. Ga go tlhokege gore o bo o le wa mmala o o rileng?
O na le ditshwanelo tsa botho ka ntlha ya gore o motho - mme ga go tshwenye gore "motho" o tlhalosiwa jang. Ditšhaba tsa lefatshe tse e leng karolo ya Mokgatlho wa Ditšhabakopano di sa le di dumelana ka ditshwanelo tsa ntlha tsa batho bogologolo, ka ngwaga wa 1958.
A o akanya gore go tshwanetse ga bo go na le sengwe Ee, nnete ke gore se gona: Tshwanelo nngwe le nngwe e o e batlang, tshiamelo nngwe le nngwe, e tla le maikarabelo a a tsamaelanang nayo! O bona sengwe, fela o tshwanetse go naya sengwe?
O setse o ithutile eng ka ga temokerasi go fitlha ga jaana?
Temokerasi ke thulaganyo e re e dirisang go tsaya ditshwetso tse di tsewang ke BOTLHE ba ba amiwang ke tshwetso eo, e ka nna ka tlhamalalo gongwe e seng ka tlhamalalo.
Fa o amiwa ke tshwetso e e yang go dirwa, o itse se o se tlhokang, batlang le go se eletsa.
O na le maikarabelo a go tlhagisa gongwe go bua ka se o se tlhokang, batlang, gongwe go se eletsa mo bathong ba le bona ba amiwang ke tshwetso e e yang go dirwa.
Batho botlhe ba ba amiwang ke tshwetso ba tshwanetse go lebelela le go sekaseka tse ba di tlhokang, batlang gongwe eletsang tse ba di tlhagisitseng. Jaanong, mmogo, lo ka sekaseka dikgonagalo TSOTLHE tse di gona.
Jaanong lo ka swetsa ka gore lo ya go dira eng. Ka mantswe a mangwe, lo tswetsa ka dikgato tse di latelang.
Jaanong lotlhe lo dumelana ka dikgato tse di latelang. Lo amogela dikgato tse di latelang.
Kwa bokhutlong, lo a di diragatsa. Lo dira se lo dumelaneng ka sona.
Boelang ka gale kwa kgatong ya ntlha gonne ditlhokego, tse di batlwang, le dikeletso di a fetoga. Batho ba a gola mme ba a fetoga. Ka jalo go tshwanetse ga nna ka gale le sebaka sa go amogela phetogo le kgolo! Ka nako nngwe le nngwe, boelang kwa kgatong ya ntlha gonne lo tlhoka go swetsa gore a tse lo di tlhokang, batlang, le go di eletsa di fetogile moo e bileng lo boneng e kete dikgato tse lo neng o di beile di ka se tlhole di dira.
Fa e le gore tse lo di tlhokang, batlang, eletsang di fetogile mo go kalo, gona lo tlhoka go boeletsa dikgato tsele gape.
Jaaka o ka bona, temokerasi ya nnete e tlhoka gore go dirwe ka natla. Gantsi re iphitlhela re raelesega go tsaya tselakhutshwane, me re re, "Bolelelang mongwe le mongwe gore a dire eng!" Fela akanya ka ga se. Go molemo go dira ka natla fa e le gore e tla re kwa bokhutlong o fitlhele gore tse o di tlhokang, batlang le go di eletsa e nnile karolo ya thulaganyo! A ga o dumelane le seo?
Goreng go le botlhokwa gore ke batlisise gore ke eng se ke se tlhokang, batlang gongwe go se eletsa?
O na le maikarabelo a go itlhokomela. Ga gona ope yo o itseng gore ke eng se o se tlhokang, batlang gongwe go se eletsa go go gaisa! Ka jalo, ee, o na le tshwanelo ya go nna mo lefatsheng mme o na le tshwanelo ya go nna motho yo o gaisang! Fela o tshwanetse go swetsa gore "go gaisa"go na le bokao bofe mo go wena! A seo ga se mogopolo o o itumedisang!
Pele ga re ka tswelela pele, re rata go tlhagisa ntlha ya botlhokwa malebana le batho ba ba kgethegileng ba ba bidiwang bana. Mo dinageng tse dintsi, motho mongwe le mongwe yo o bogolo jwa dingwaga tse di ka fa tlase ga 18 o tsewa e le ngwana. Tumelano ya Ditshwanelo tsa Bana e sireletsa ditshwanelo tsa bana.
Bagolo ba na le maikarabelo a go tsaya ditshwetso mo boemong jwa bana ba bona.
Bagolo ba tshwanetse go tsaya ditshwetso tse di mo "dikgatlhegelong tsa ngwana".
Bagolo ba tshwanetse go kaela bana ba bona go ya ka seo ngwana mongwe le mongwe a nang le bokgoni jwa go se dira.
Seo se kaya eng tota Se kaya gore fa bana ba godile mo go lekaneng gore ba ka nna le megopolo malebana le dilo tse di ba amang, bagolo ba tshwanetse go ba letlelela go tlhagisa megopolo ya bona. Gape bagolo ba tshwanetse go tsaya tsia megopolo ya bana fa ba tsaya ditshwetso mo boemong jwa bana. Fa bana ba ntse ba gola mme ba fatlhoga, bagolo ba tshwanetse go tsaya tsia megopolo ya bona thata?
Ka mantswe a mangwe, bagolo ga ba a tshwanela go pateletsa bana go dira se bona ba se batlang, go sa tshwenye gore ke eng se bana ba se tlhokang, batlang gongwe go se eletsa. Mme bogolo bagolo ba tshwanetse go ruta bana tsela ya go tsaya ditshwetso tse di tla ba dirang batho ba ba gaisang, ditshwetso tse di tla tshwaelang mo goreng batho ba gaise. Bagolo ga se "beng" ba bana. Ba na le maikarabelo a go ba ruta TSELA ya go akanya, e seng gore ba akanye ENG. Ba na le maikarabelo a go godisa bana ka tsela e e tla dirang gore e nne batho ba ba ikemetseng ka nosi mme ba amogela gore batho ba bangwe ba na le ditshwanelo tse di tshwanang le tsa bona tsa go nna gona.
Mme jaanong fa e le gore batho botlhe ke beng ba lefatshe mme batho botlhe ba na le tshiamelo ya go itumela le go kgotsofala, re tlhagisa jang se re se tlhokang, batlang gongwe go se eletsa ka tsela e e siameng e e sa utlwiseng ba bangwe botlhoko?
Fa tshwetso e ama batho ba se kae fela, gona batho bao ba tla itseela ditshwetso ka bobona. Ba tla tsaya ditshwetso ka tlhamalalo. Fa tshwetso e ama batho ba le mmalwa gongwe ditlhopha tse dintsi tsa batho, go bonako e bile go bonolo gore tshwetso e tsewe ke baemedi. Moemedi ke mongwe yo o mo tlhophang go tsaya tshwetso gongwe go dira sengwe mo boemong jwa gago. Ga o na le moemedi, o nna le seabe mo thulaganyong ya go tsaya tshwetso le fa e se ka tlhamalalo.
Re tlhopha jang baemedi bano Sa ntlha re tshwanetse go botsa, "Ke motho gongwe setlhopha sa mofuta ofe se ke se ratang le go se ikanya gore se ka emela tse ke di tlhokang, batlang gongwe go di eletsa" Jaanong re tshwanetse go ipopa mme re tlhophe baemedi. Go tlhopha ke tsela ya go tlhagisa se re se tlhokang, batlang gongwe go se eletsa?
Potso e e latelang ke ya gore, "Re tlhopha jang Go latelwa thulaganyo efe" Karabo e ikaegile ka bogolo jwa setlhopha le gore batho ba batla go tlhopha baemedi ba le kae. Fa setlhopha se le sennye mme batho ba batla go tlhopha moemedi a le mongwe fela, ba ka swetsa go tlhagisa tlhopho ya bona ka go tsholetsa diatla go supa motho yo ba batlang go mo tlhopha?
Mo karateng e e latelang re tla lebelela baemedi, go tsaya ditshwetso le go tlhopha ka botlalo. Nna le rona!
Mo mofuteng ono wa temokerasi, go na le lona le se kae fela. Sekai e ka nna fa ba le babedi ba lona ba batla go tsaya tshwetso, go tshwana le: "Re ya go dira eng ka Lamatlhatso" Tshwetso e le ama ka bobedi mme lona ka bobedi le tshwanetse go nna le seabe mo thulaganyong ya go tsaya tshwetso. Go botlhokwa go lebelela dintlha tsotlhe ka botlalo. Gantsi batho ba itlhaganelela go dira seno, mme ba feleletsa ba dirile dilo tse ba neng ba sa batle go di dira tota?
Mo mofuteng ono go nna le batho ba le bantsi ba ba tlhokang go nna le seabe mo go tseyeng tshwetso. Gore go nne bonolo, ditshwetso di tsewa ke baemedi ba ba tlhophilweng. Seno ke se se bidiwang go nna le seabe e seng ka tlhamalalo gongwe temokerasi e e seng ya tlhamalalo. Temokerasi e e seng ya tlhamalalo e ka nna ya go nna le seabe gongwe ya kemedi.
Go fitlha ga jaana, re lebeletse tsela e e bonolo ya go tlhaloganya gore temokerasi ke eng. Re go bontshitse gore ditshwanelo tsa rona di re letlelela go nna le seabe mo thulaganyong ya go tsaya ditshwetso. Re buile gape gore ga o nna le seabe sa go tsaya ditshwetso e seng ka tlhamalalo, o dirisa baemedi go tsaya ditshwetso mo boemong jwa gago.
Fa o tlhopha moemedi go tsaya ditshwetso mo boemong jwa gago, lo tshwanetse gore pele, wena le moemedi wa gago, lo tlhaloganye gore lo ya go nna le botsalano jo bo ntseng jang. O tshwanetse go botsa dipotso tse di popota malebana le botsalano, mme dipotso tseno di tshwanetse go arabiwa ka tlhamalalo le ka boikanyego.
Wena le moemedi wa gago lo tshwanetse go tlhaloganya le go dumelana ka gore go tla diragala eng fa mongwe wa lona a ka ikgatholosa tsholofetso gongwe tumelano. O tshwanetse go itse gore go tla diragala eng fa moemedi a sa dire se o mo kopang gore a se dire, gongwe a sa se dire ka tshwanelo. O ka rarabolola dintlha tseno ka go latela dikgato tse thataro tsa thulaganyo ya go goroga kwa tshwetsong ka ya temokerasi tse re buileng ka tsona mo Karateng 1.
Goreng re tlhoka kemedi?
Tla re lebelele ntlha e ya kemedi. Ipee mo seemong se o leng mo gare batho ba ba amilweng ke tshwetso e go tlhokegang gore e tsewe. O diragaditse seabe sa gago ka go itshiamisetsa go nna le seabe: O itse gore ke eng se o se tlhokang, batlang gongwe go se eletsa.
Fela fa e le gore lotlhe lo ka leka go tsaya tshwetso mmogo, go ka tsaya sebaka se seleele. Thulaganyo eo e ka tlhakatlhakana. Ka jalo lo ka dira eng Lo leka go dira gore go nne bonolo. Lo swetsa go tlhopha motho gongwe setlhopha se e emetseng tse di rileng tse di tlhokegang, batlegang gongwe go eletsega?
Kemedi e akaretsa eng?
Jaanong. o tshwanetse go akanya: Lo ka lebelela eng mo mothong gongwe setlhopheng se se lo emetseng Jaanong motho yo, gongwe setlhopha se se tla itse jang gore ke eng se lo se tlhokang gongwe lo se batlang kamoso, beke e e tlang gongwe ngwaga o o tlang?
Go tswa mo go seno, re ka bona gore go na le dilo dingwe tse di tshwanetseng go dirwa.
Lo tshwanetse go supa motho gongwe setlhopha se se tla lo emelang.
Maphata otlhe (wena le moemedi) a tla tshwanela go dumelana ka gore lo tla netefatsa jang gore go fitlhelelwa ditsholofelo tsa lephata lengwe le lengwe.
Lo tla tshwanela gape go swetsa gore lo tla sekaseka jang tiragatso ya motho gongwe setlhopha se o se tlhophang.
Ka jalo, lo simolola ka go naya moemedi wa lona thata ya go tsaya ditshwetso mo boemong jwa lona. Seno se bidiwa taolelo. Fela lo tlhoka gape go dumelana ka gore lo tla tswelela jang go netefatsa gore moemedi wa lona o dirisa taolelo ka tshwanelo, ka moo lo solofetseng gore a dire ka gona.
Seno se kaya gore o tlhoka go itse sengwe malebana le mefuta e e farologaneng ya kemedi. Re tla bua ka mefuta e le mebedi: temokerasi ya kemedi le ya go nna le seabe.
Re go naya thata ya go tsaya ditshwetso mo boemong jwa rona. Ditshwetso tsa gago di tla re ama ka tlhamalalo mme re dumela gore o na le nnete mme re tshepa gore o kitla o tsaya ditshwetso tse di tla re utlwisang botlhoko. Re lebeletse gore o batle maikutlo a rona nako nngwe le nngwe fa o tsaya ditshwetso tse di tla re amang. Fa re sa kgotsofadiwe ke ditshwetso tse o di dirang mo boemong jwa rona, re ka tlhopha go naya mongwe o sele dithata tseo.
Ntlha ya botlhokwa mo taolelong eno ke efe Ke ya gore go tlhalosiwa maitsholo a letsatsi le letsatsi a moemedi. Mo temokerasing ya go nna le seabe, baemedi ba dira mmogo le batho ba ba emetseng malebana le go tsaya ditshwetso tsa letsatsi le letsatsi?
Re go naya thata ya go tsaya ditshwetso mo boemong jwa rona. Ditshwetso tsa gago di tla re ama ka tlhamalalo mme re dumela gore o na le nnete mme re tshepa gore o kitla o tsaya ditshwetso tse di tla re utlwisang botlhoko. Re lebeletse gore o batle maikutlo a rona mo dingwageng dingwe le dingwe tse pedi. Ka nako eo, fa re sa kgotsofadiwe ke ditshwetso tse o ntseng o di dira mo boemong jwa rona, re ka tlhopha go naya mongwe o sele dithata tseo.
Mo lebakeng leno, batho ba ba emetsweng ga ba nne le seabe ka tlhamalalo mo ditshwetsong tsa letsatsi le letsatsi. Mo ntlheng eno, taolelo e ntšhwafadiwa morago ga dingwaga dingwe le dingwe tse pedi. Fela paka e ka nna khutshwane gongwe telele go ya fela jaaka maphata ka bobedi a tla bo a eleditse.
Ke eng se se tshwanetseng go akarediwa mo taolelong?
Ditaolelo tse pedi tse lo di lebeletseng, di bonolo tota, fela tsotlhe di bua ka go ikanyega le go nna le boammaaruri. Tsotlhe di bontsha tlotlo mo ditlhokegong tsa batho tsa go tswetsa ka se se ba diragalalelang gongwe se diragalela baagi.
Taolelo e tshwanetse gape go tlhalosa ka botlalo gore go tla diragala eng fa dilo di sa tsamaye jaaka go rulagantswe.
Gape taolelo e tshwanetse go tlhalosa gore maphata a mabedi a tla netefatsa jang gore tse di tlhokwang, batliwang gongwe go elediwa ke maphata ka bobedi di tla fitlhelelwa jang mo isagong, fa di ntse di fetoga le go tlhabologa. Seno ke kgang e e senang bokhutlo! Fela e ikaegile ka ntlhatheo ya gore batho ba ka swetsa ka gore ba diragalelwa ke eng. Re na le maikarabelo a go sireletsa tshwanelo eno.
Re solofela gore jaanong o itse go le gontsi malebana le mefuta e e farologaneng ya temokerasi le mefuta e e farologaneng ya kemedi. Re solofela gape gore o tlhaloganya gore temokerasi e kaya gore re tshwanetse go itse gore go diragala eng mo lefatsheng la rona. Temokerasi ga e kaye go tlhopha fela. E tshwanetse go feta go tlhopha.
Re tlhoka go tlhokomela se se diragalang, go tlhola se se dirwang ke baemedi ba rona.
Re tshwanetse go ithwesa maikarabelo, rona le baemedi ba rona.
Morago ga paka e e rileng, re tshwanetse go sekaseka taolelo e re e nayang baemedi ba rona, mme re swetse gore a ke re a e ntšhwafatsa.
A re dirile gore o akanye Nama o eme foo, mme o emele karolelo e e latelang?
Jaaka o setse o bone, go dira thulaganyo ya go tsaya ditshwetso ka tsela ya temokerasi ga go marara jalo. Fela, fa o setse o leka go diragatsa thulaganyo eo, go nna le dilo di le dintsi tse di tlhagelelang. Ke gona fa go simololang go nna boima gona!
Kgato 1: Fa o amiwa ke tshwetso e e yang go dirwa, o itse se o se tlhokang, batlang le go se eletsa.
Kgato 2: O na le maikarabelo a go tlhagisa gongwe go bua ka se o se tlhokang, batlang, gongwe go se eletsa mo bathong ba le bona ba amiwang ke tshwetso e e yang go dirwa.
Kgato 3: Batho botlhe ba ba amiwang ke tshwetso ba tshwanetse go lebelela le go sekaseka tse ba di tlhokang, batlang gongwe eletsang tse ba di tlhagisitseng. Jaanong, mmogo, lo ka sekaseka dikgonagalo TSOTLHE tse di gona.
Kgato 4: Jaanong lo ka swetsa ka gore lo ya go dira eng. Ka mantswe a mangwe, lo tswetsa ka dikgato tse di latelang.
Kgato 5: Jaanong lotlhe lo dumelana ka dikgato tse di latelang. Lo amogela dikgato tse di latelang.
Kgato 6: Kwa bokhutlong, lo a di diragatsa. Lo dira se lo dumelaneng ka sona.
Boela kwa kgatong ya ntlha nako nngwe le nngwe fa tse o di tlhokang, batlang gongwe go di eletsa difetoga!
Kgato ya ntlha mo thulaganyong e utlwala e le bonolo, mme seno ke go fitlhelela o ema mme o e akantshisa. Go ithuta "go bua nao" gore o feleletse o itse sentle gore ke eng se o se tlhokang, batlang gongwe go se eletsa ga go bonolo. Le gale seo se batla wena o le nosi fela. Akanya fela gore go ka diragala eng fa o ne o tshwanetse go lebelela go feta wena. Seo e ka nna tiro e popota tota!
Se re se kayang fano ke gore tota fa re batla go bona temokerasi ya rona e dira, rotlhe re na le maikarabelo a go itsamaisa. Mme re tshwanetse go diragatsa maikarabelo ao.
Karolo e nnye go gaisa ya popegotheo ya loago, ke motho ka nosi. Fa o akanya ka motho a le nosi, mo tseye jaaka setena sa kago e kgolo e e marara. Setena seno se tshwaragana le ditena tse dingwe go dira sebopego mme kwa bokhutlong se dira lebota. Kwa ntle le lebota leno, go ne go ka seke ga nna le kago. Ka mantswe a mangwe, se re se tlhalosang ke gore motho a le mongwe ke karolo ya botlhokwa ya kago ya setšhaba sengwe le sengwe.
Ke eng gape se e leng karolo ya setšhaba Re tla leka go araba potso eno ka go lebelela pele "diyuniti" tsa setšhaba. Tsona di bidiwa "dikarolo tsa setšhaba"?
Batho ka bongwe ka bongwe ba a kopana mme ba nne balekane gongwe sebedi - e ka nna ditsala. Mme jaanong ba tlhame malapa - mefuta yotlhe ya malapa. Jaanong malapa a tlhame mekgatlho mme mekgatlho e tlhame setšhaba. Go tswelela fela jalo go fitlhelela re nna le dinaga le dikontinente! Fela go simolola ka motho ka nosi, mme fa batho ba ba mo setšhabeng ba sa itumela, gongwe ba sa itse boleng jwa bona mo karolong e kgolo, lefatshe e ka nna lefelo le le sa itumediseng gotlhelele!
Le fa re le batho ba ba farologaneng, re nna re le karolo ya kopano gongwe setlhopha. O setse o utlwetse ntlha ya gore "motho ke motho ka batho ba bangwe". Ee, tota ga go ope yo o ka iphetsang. Tota le fa o dira dilo ka bowena, o tshwanetse go akanya ka batho ba bangwe. O ka tlaila fa o opela gongwe wa kgweetsa sejanaga sa gago ka fa letlhakoreng le le sa siamang mo tseleng fa o batla. Fela o tshwanetse go solofela gore batho ba ka seke ba kgatlhega, mme e bile o ka iphitlhela o le mo mathateng le bamolao. Seno se bontsha gore motho yo mongwe le yo mongwe ke karolo ya setlhopha.
Tlaya re kgaotseng go se nene mme re akanye ka kgato 2 mo thulaganyong. O tshwanetse go bua ka se o se tlhokang, batlang gongwe go se eletsa. Mme jaanong go latele dikgato 3 le 4. Ke eng se o tlhokang go se tlhaloganya gore o kgone go atlega mo dikgatong tseno?
Ka gongwe o setse o lemogile gore ka dinako dingwe, fa o le mo gare ga setlhopha mme o leka go tlhagisa maikutlo a gago (e ka ne e le se o se tlhokang gongwe se o se batlang), go ka nna boima gore o latlhele la gago. Gongwe o dule mo seemong seo o ikutlwa e kete "dintlha" tsa gago ga di a tsewa tsia. Jaanong, go diragala eng mo mabakeng a a jaana?
Jaanong ke gona fa re lebelelang dipolotiki le maatla.
Motho mongwe le mongwe o na le maatla. Seno ke polelo e e bonolo thata, fela ke polelo ya botlhokwa. Motho mongwe mongwe o na le maatla. Re na le maatla gonne re le gona, gonne re ka tlhopha le ka ntlha ya mabaka a mangwe a le mantsi. Jaaka motho, o ka tlhopha go itsholela maatla a gago. Gape o ka tlhopha go naya motho yo mongwe maatla a gago gongwe wa a naya setlhopha sa batho. O ka ba naya maatla a gago gore ba a go a dirisetse gongwe ba a dirise nao.
Go aga ditlhopha gongwe dikopano tsa loago go amana thata le "go kgobokanya maatla a a farologaneng". Fa batho ba "kgobokanya" sengwe, ba tlisa se ba nang naso mmogo mme ba se dirisa mmogo gore ba kgone go fitlhelela phitlhelelo e e rileng. Seo ke sona se batho ba se dirang tota fa e nna karolo ya stokvel gongwe setlhopha sa go boloka madi - ba kgobokanya madi a bona. Re dira selo se se jaana fa re lemogile gore bobedi bo bolaya noga.
Fa re batla go atlega mo go kgobokanyeng maatla a rona, re tshwanetse go bona batho ba bangwe ba ba setseng ba na le dilo tse ba di tlhokang, batlang gongwe go di eletsa tse di tshwanang le tsa rona. Mokgwa o mongwe ke wa go netefatsa gore batho ba batla le go tlhoka se re se batlang gongwe go se tlhoka. Gore go fitlhelelwe seo, motho o tshwanelwa ke go fetola tse a di tlhokang gongwe go di batla, gongwe go lemosa ba bangwe gore ba fetole tse ba di tlhokang le tse ba di batlang. Go dira seno go a amogelesega mo temokerasing.
Go na le tsela e nngwe ya bobedi. O ka leka go pateletsa batho go fetola tse ba di tlhokang le tse ba di batlang. O ka dirisa matshosetsi otlhe, go akaretsa go tshosetsa go senola diphiri gongwe go dira sengwe fa ba sa dire jaaka o ba laela.
Go sa tshwenye gore a lo tlhopha tsela ya ntlha gongwe ya bobedi, se lo se dirang ke go tlhama semphato se se bidiwang kopano ya maatla. Setlhopha sa bolotloa ke kopano ya maatla e e dirwang ke batho ba ba tlhakanetseng kgatlhego ya bolotloa. Mokgatlho wa badiri ke kopano ya maatla e e dirwang ke batho ba ba tlang go samagana le merero ya bodiri mmogo. Makoko a dipolotiki le ona ke dikopano tsa maatla. Go le gantsi ditokololo tsa mokgatlho wa sepolotiki di tlhakanetse megopolo le dintlhatheo dingwe.
Dikopano tsa maatla di ka tlhagisa boitlhophelo jwa tsona mmogo. Ka mantswe a mangwe, ba ka tlhopha mmogo. Ba ka dira mmogo go fitlhelela maikemisetso a bona e le setlhopha. Rona batho ba Aforika Borwa re kopano ya maatla. Go na le dilo tse dintsi tse di re kopanyang. Gatwe, "Rona batho ba Aforika Borwa, re dumela gore Aforika Borwa ke ya botlhe ba ba nnang mo go yona, RE TSHWARAGANE ka dipharologano tsa rona."
Dikopano tsa maatla di amana jang le go tlhopha le ditlhopho O ka ne o kile wa utlwa batho ba re ditlhopho ke ona motheo wa temokerasi. Seo se kaya eng tota?
Re kaile gore dikarolo tsa loago di dirwa ke batho. Mongwe le mongwe wa batho bao o na le tse a di tlhokang le tse a di batlang. Fa go na le batho mo karolong ya loago, ba nna le seabe mo go tseyeng ditshwetso ka baemedi ba bona.
Gape re kaile gore kgato e nngwe mo thulaganyong ya temokerasi e akaretsa go swetsa ka kgato e e tla latelwang. (Seno se diragala mo kgatong 4). Gape batho ba tshwanetse go dumelana ka gore ba tla tlhagisa jang tlhopho ya bona. Fa lo swetsa go dirisa moemedi yo o tla lo tseelang ditshwetso, lo naya moemedi yoo maatla a lona. Moemedi wa lona a ka dirisa maatla ao, a e leng a lona, a lo a dirisetsa gongwe a a dirisa le lona. Seo ke tlhopho ya lona.
Seno se akaretsa dilo di le dintsi, mme lo tshwanetse go kgona go di tsamaisa tsotlhe. Gore lo kgone seo, lo tlhoka ditsamaiso le dithulaganyo.
Fa batho ba tlhagisa ditlhopho tsa bona malebana le ditshwetso tse di tla amang setheo sa loago se segolo gongwe se se marara, ba tlhoka tsamaiso ya ditlhopho e e tla ba thusang go tsamaisa tsela e ba tlhagisang tlhopho ya bona ka yona.
Go naya sekai, lo ka dumelana gore mongwe le mongwe o tla amogela tshwetso e e amogela diboutu tse dintsi. Seno se bidiwa tsamaiso ya bontsi, gonne tshwetso e tsewa ke bontsi jwa batho. Tota le batho ba ba neng ba tlhophile sengwe se sele, ba tshwanetse go amogela tshwetso ya bontsi. Fa lo dumela go dira ka tsela e nngwe, gona tsamaiso e bidiwa tsamaiso ya bonnye. Gape lo ka nna le tsamaiso ya tsamaiso ya go ineela moo e leng gore go amogelwa tshwetso ya bontsi, fela go tsewa tsia tse di tlhokwang le go batlwa ke bonnye.
Fa lo tlhopha moemedi, lo ka dumelana gape ka gore motho yo o bonang diboutu tse dintsi ke ena mofenyi. Tsamaiso e bidiwa tsamaiso ya mofenyi o goboka gotlhe (winner-takes-all) gongwe tsamaiso ya wa ntlha go goroga (first-past-the-post). Tota tsamaiso eno ke ya bontsi. Motho yo o bonang diboutu tse dintsi e nna moemedi mme o amogela taolelo go tswa mo bontsing.
Ditlhopha dingwe ga di rate ditsamaiso tseno. Batho ba ba mo ditlhopheng tseno ba lemoga gore go na le tse dintsi tse di tlhokwang le tse di batlwang magareng ga bona. Ba rata go bona tsela ya go re dipharologano tsa bona di nne di le gona. Ba dirisa tsamaiso e e bidiwang kemedi ya tekatekano.
Mo lebakeng leno, lo tshwanetse go lebelela pele gore lo batla go nna le baemedi ba le kae ba ba emelang setlhopha. Jaanong lo lebelela gore ke batho ba le kae ba ba batlang selo sengwe, ke ba le kae ba ba batlang sengwe se sele, jalo le jalo. Lo kgaoganya setlhopha ka ditlhophanyana tseno, mme lo lekanyetse kabelo ya setlhotshwana sengwe le sengwe mo setlhopheng se segolo.
Jaanong lo lebelela gore setlhotshwana sengwe le sengwe se tla nna le baemedi ba le kae. Setlhotshwana se se batlang X se tla bona 50% ya baemedi. Setlhotshwana se se batlang Y, se tla bona bokana ka 30% ya baemedi, mme setlhopha se se batlang Z, se tla bona bokana ka 20% ya baemedi. Ka mantswe a mangwe, ba ba nang le kopano e kgolwane ya maatla ba nna le kemedi e kgolwane. Ba ba nang le kopano e potlana ya maatla ba nna le kemedi e potlana.
Kemedi ya tekatekanyo ke tsamaiso e e rotloetsang go nna le dipharologano.
Ga re ise re bue ka mesola le dithapolo tsotlhe tsa ditsamaiso tseno, fela re solofela fa se re setseng re se buile se lekane go go lemosa gore go tlhagisa tlhopho ya motho ka nosi go botlhokwa tota. Tlhopho ya gago e na le mosola! O ka dirisa mosola wa yona ka go nna le seabe.
Fa lo sena go dumelana ka tsamaiso, lo tlhoka go tlhopha gore ke mangy o o tla tsamaisang tsamaiso - motsereganyi. Jaanong lo tla tshwanelwa ke go dira dithulaganyo dingwe.
Lo tlhoka thulaganyo ya go lekanyetsa bogolo jwa setlhopha sa batho ba ba tla amiwang ke tshwetso. Ke bomang Ba fitlhelwa kae Ba fitlhelelwa jang?
Lo tlhoka dithulaganyo gore batho ba tle ba tlhagise gore ba a amega.
Go tshwanetse ga nna le dithulaganyo tse di tlhalosang ka botlalo gore ba tla supa jang tlhopho ya bona, lo tla bala jang ditlhopho tsa bona le gore lo tla swetsa jang gore dipalogotlhe di kaya eng.
Lo tlhoka dithulaganyo gore lo kgone go itsise batho ka dipholo.
Mo Aforika Borwa, ditlhopho tsa bosetšhaba, porofense le tsa selegae di tsamaisiwa ke Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho - IEC. Khomišene ke motsereganyi magareng ga batho le makoko a sepolotiki a a gaisanelang ditlhopho. Khomišene e dira gore go nne le dithulaganyo tse di dirang gore batho botlhe mo nageng ba nne le seabe mo go tlhopheng baemedi. Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho e kwadisa makoko a sepolotiki mme e netefatsa gore otlhe a na le matshwao a a farologaneng a a kgonang go a supa. Gape Khomišene e kwadisa batho ba ba batlang go gaisanela ditlhopho. Bona re ba bitsa bontlhopheng. Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho ga e swetse ka tsamaiso ya go tlhopha. Fa go setse go na le tsamaiso, yona e tlhokomela gore e dira sentle.
Mo karateng e e latelang ya bofelo, re tla lebelela pusoselegae le ka moo temokerasi ya go nna le seabe e dirang ka gona mo Aforika Borwa. Emela karolo yay bofelo!
Mo karateng eno, re lebelela Aforika Borwa jaaka setheo sa loago. Totatota re lebelela pusoselegae mo Aforika Borwa.
Mo Aforika Borwa, re arogantse puso ya rona ka magato a le mararo - la bosetšhaba, porofense le la selegae. Magato ano a golagane (lebelela setshwantsho). Legato lengwe le lengwe le na le maikarabelo gongwe ditiro tsa lona. Maikarabelo mangwe a aroganngwa ke magato a bosetšhaba le a porofense, mangwe a aroganngwa ke magato a porofense le a selegae, fa mangwe ona a aroganngwa ke magato a selegae le a bosetšhaba. Go na le maikarabelo mangwe a a arogannwang ke magato otlhe. Kamano e e magareng ga magato a puso e bidiwa go ikaega mmogo (intradependence). Ga gona legato le le botlhokwa go gaisa le lengwe. Mmogo, a netefatsa gore Aforika Borwa e nna temokerasi e e maatla, e e tlhaga. Lengwe le lengwe le na le seabe sa lona.
Temokerasi ya rona ke ya kemedi mo magatong a bosetšhaba le a porofense. Re tlhopha baemedi ba rona (go tswa mo go lengwe la makoko a sepolotiki) go tsaya ditshwetso tse di re amang. Re na le tshono ya go lebisisa taolelo eno gape morago ga dingwaga dingwe le dingwe di le tlhano.
Mo legatong la selegae, re na le temokerasi ya go nna le seabe. Go na le dithulaganyo tse dintsi tsa go netefatsa gore baemedi ba lona mo pusoselegaeng ba dira le lona mo thulaganyong yotlhe ya go tsaya ditshwetso. Gore re nna tlhaga jang mo seabeng sa go tsaya ditshwetso go susumetsa ka moo re itemogelang matshelo a rona ka gona.
Go na le batho ba le dimilione di ka nna 45 ba ba nnang mo Aforika Borwa. Ga gona gore rotlhe re ka nna le seabe ka tlhamalalo mo go tseyeng ditshwetso kwa legatong la bosetšhaba, tota le fa e le la porofense. Mo magatong ano a puso, se se ka nnang botoka ke gore re nne le seabe ka baemedi. Mo legatong la pusoselegae gona, temokerasi ya rona ke ya go nna le seabe. Mme tota goreng lo tshwanetse go nna le seabe mo pusoselegaeng Goreng lo tshwanetse go kgathala?
Pusoselegae e rwele maikarabelo a go tlamela baagi ba selegae ka ditirelo. Seno se kaya gore pusoselegae e tshwanetse go netefatsa gore baagi ba selegae ba na le ditirelo tsa ntlha.
Pusoselegae e dirwa ke makgotlatoropo. Lekgotlatoropo le busiwa ke lekgotla/khansele. Lekgotla le dirwa ke bakhanselara ba ba tlhophilweng le batlhankedi bangwe ba ba kopanang go buisanela maano a go tlamela lefelo ka ditirelo. Bakhanselara ba dira dipholesi le maano a go tlamela ka ditirelo. Batlhankedi ba tshwanela ke go tlamela batho ka ditirelo. Go na le mefuta e e farologaneng ya batlhankedi. E ka nna baoki ba kwa tleleniking, babalatlotlo, bakwaledi, ditlelereke, baolela matlakala, jalo le jalo. Bakhanselara ba a tlhophiwa (ke baemedi ba batho). Batlhankedi ba direla lekgotla. Ba thapiwa fela jaaka modiri mongwe le mongwe.
Ke ditirelo dife tsa ntlha tse dipusoselegae di tshwanetseng go tlamela ka tsona?
Fa o akanya ka nngwe le nngwe ya ditirelo tseno, o tla lemoga gore maikaelelo a pusoselegae ke go tlamela ka ditirelo tse rotlhe re di tlhokang go nna re itekanetse, re itumetse.
Ka ntlha ya fa rotlhe re ka seke ra nna le seabe ka tlhamalalo mo go tseyeng ditshwetso tse di re amang, re tlhopha baemedi gore ba re direle seno mo magatong otlhe a mararo a puso. Mo pusoselegaeng, baemedi ba rona ke batho ba re ba bitsang bakhanselara. BAtho bano le batlhankedi ba makgotlatoropo, ba dira mmogo le rona gore ba tle ba fitlhelele ditlhokego tsa rona tsa ntlha.
Mo Aforika Borwa, kitso ke gore pusoselegae e dirisa temokerasi ya go nna le seabe. O ka tlhaloganya gore ke eng go le jalo: Pusoselegae e rwele maikarabelo a dintlha tse di re amang letsatsi le letsatsi. Seno ke dintlha tse re di bitsang dintlha tsa botlhokwa mo botshelong jwa motho.
Seno se dira jang Akanya ka dikarolo tsa loago tse di agang lekgotlatoropo: motho ka nosi, ditlhopha tsa bobedi, malapa, mekgatlho le baagi. Baagi ba rulaganngwa ka dioto, mme mo Aforika Borwa, dioto di kopanngwa go dira dikgaolo. Ditoropo tse dikgolo di bidiwa Makgotlatoropo a Metro?
O nna jang le seabe mo pusoselegaeng?
Batho bangwe ba ba nnang mo Aforika Borwa ba na le tshwanelo ya go tlhopha, mme ba bangwe ga ba na yona. Fa o tlhopha, o nna le seabe mo pusong, mme le fa o sa kgone go tlhopha, o ntse o ka nna le seabe. Seno se kaya gore le fa o ka seke wa kgona go tlhopha, o ntse o na le maikarabelo a go netefatsa gore ba ba kgonang go tlhopha ba itse gore ke eng se o se tlhokang, batlang gongwe go se eletsa. Seno se botlhokwa gonne ditlhopho tse ba di dirang di tla go ama. Ka jalo, o tshwanetse go bona tsela ya go netefatsa gore go tsewa tsia tse o di tlhokang gongwe o di batla. O tshwanetse gape go nna le seabe sa go netefatsa gore tikologo le naga yotlhe e letlelela gore mongwe le mongwe a kgone go tlhagisa megopolo ya gagwe ka kgololesego.
Temokerasi ga e khutle fa batho ba sena go tlhopha. Re tshwanetse go tswelela go swetsa gore ke eng se re se tlhokang le gore a mme seo se a fitlhelelwa. Mo pusoselegaeng, mogopolo wa temokerasi ya go nna le seabe ke wa gore o ka nna karolo ya thulaganyo ya go swetsa gore go ya go dirwa eng, kae, le gona jang.
A o ntse o dira seno Kgotsa o fetiseditse maatla a gago go mongwe yo e bileng le go mo itse o sa mo itse Fa e le gore go jalo, gona re solofela gore serisi eno e go rotloeditse go akanya ka dikgato tsa gago le dipoelo tsa dikgato tsa gago?
Fa o tlhopha, o dira letshwao la gago. O dira gore lentswe la gago le utlwale! Boutu ya gago e naya moemedi wa lekoko taolelo ya go tsaya ditshwetso ka dintlha tsa botlhokwa.
O ka dirang gore o nne le seabe?
Ikwadise jaaka motlhophi. Netefatsa gore leina la gago le mo Lenaaneng la Batlhophi. Seno ke yona tsela ya go nna karolo ya thulaganyo ya go tsaya ditshwetso tse di amang botshelo jwa gago ga jaana le mo isagong.
Mekgwa e re e simololang re sa ntse re le bannye, di gola le rona go fitlha re nna bagolo. Ikwadise mme o tlhophe jaanong mme o tle o nne le netefatso ya gore kamoso, fa o setse o le mogolo, Aforika e tla nna temokerasi e e maatla le go feta.
Fa o ka nna o butse matlho, o le kelotlhoko mme o na le seabe, o nna le tshwanelo ya go botsa: Ke ne ke le kae fa go ne go tsewa tshwetso eo?
Tia mooko gore o tseye kgato!
Re lebogela nako e re e aroganeng nao! Aforika Borwa key a gago le wena! Dira jaaka motho yo o itseng seo!
<fn>tsn_Article_National Language Services_TEATERE & TEATERE YA MMINO 2.txt</fn>
O batla gore NAC e golagane le wena jang?
Ke batho ba le bakae ba ba amaneng le go tsamaisa Projeke ya gago?
Bontsha nako e e lebeletsweng ya go simolola le go fetsa Projeke.
Projeke ya lona e ka tswela setšhaba mosola ofe?
A o dirile lekwalo-kopo la madi mo mekgatlhong e mengwe?
Tlhagisa gore fa o ka fiwa thuso ya madi o ya go dirisa bajete ya gago go reka eng le eng?
Neela maina a mabedi a dipaki moeteledipele wa setšhaba le moitseanape wa botaki ba ba maleba le botsweretshi ba lona. Romela bopaki bo bo kwadilweng ebile bo saennwe go tswa go dipaki tse di fa tlase.
Boalo jwa porojeke bo kwadilwe tsebe.
Bogolo sekao se le sengwe sa tiro ya me / gago (setshwantsho, kgatiso ya mokwalo, jljl.) se se amanang le porojeke se tsentswe.
Nna, ke rometse dikwalo tsotlhe tse di tlhokegang.
KA KOPO ELA TLHOKO: Karolo kana gotlhe ga tshedimosetso e o re tlamelang ka yona, e tla tsholwa mo khomphiuteng jaaka direkoto tsa rona. Tshedimosetso e e tla dirisediwa tsamaiso ya dikopo le dikabo le go tlhagisa dipalopalo. Dikhophi tsa tshedimosetso e di tla tlamelwa, fa go tlhokega, kwa bathong le ditheong tse re ka tlhokang go golagana natso fa re sekaseka dikopo le go tlhokomela dikabo. Mekgatlho e e neelanang ka matlotlo e amogana tshedimosetso le e mengwe go ba kgontsha go lemoga dikopo tsa bofora le go tsamaisa go diriwa ga dikopo tse di tlaleletsang. E nngwe ya tshedimosetso e o e tlamelang mo foromong ya kopo e tla dirisiwa ke tirelo ya tsholotshedimosetso. E ntse e ka dirisiwa ke Lefapha la Botsweretshi le Setso.
<fn>tsn_Article_National Language Services_THUTO YA DIATLA 1.txt</fn>
O rata NAC e golagana nao jang?
Re neele boalo jwa porojeke ka bogolo jwa mafoko a le 500.
Naneofatsa diphitlhelelo tsa gago tse dikgolo tsa thuto ya diatla mo dingwageng tse 3 tsa bofelo.
Ke batho ba le bakae ba ba amegang mo porojekeng ya gago Ka kopo re tlamele ka ditemokerafi tse di tla dirisediwang mabaka a patlisiso ya NAC?
Thaetlele / Leina la porojeke e o e kopang.
Tlhalosa maikemisetso a a totobetseng a porojeke.
Bontsha matlha a a solofetsweng a tshimologo le bokhutlo jwa porojeke.
Baagi ba tla ungwa jang mo porojekeng ya gago?
A o kopile matlotlo go tswa ditheong tse dingwe Tlhagisa batshegetsi ka matlotlo ba bangwe botlhe mme o tlatse dintlha fa tlase?
NAC ga go kgonege gore e ka duelela tekanyetso yotlhe ya porojeke ka jalo thagisa madi a a kopiwang go tswa go NAC.
Tlhagisa gore ke dilo dife ka totobalo tsa tekanyetso tse o tla dirisang matlotlo a NAC mo go tsona fa a rebotswe?
Naneofatsa matlotlo afe kana afe a a fetileng a NAC a o a amogetseng.
Re tlamele ka dipaki tse pedi tse di ka fitlhelelwang,, moeteledipele wa baagi le modiri wa tsa botaki wa porofešenale yo o maleba kwa lephateng la gago. Ka kopo romela ditshupetso tse di kwadilweng le go saeniwa go tswa dipaking fa tlase.
Ke tlhomamisa fano gore tshedimosetso yotlhe e e tlametsweng mo kopong e le dikwalo tse di tsentsweng ke nnete mme di tlhomame.
Boalo jwa porojeke bo kwadilwe tsebe.
Bogolo sekao se le sengwe sa tiro ya gago (setshwantsho, kgatiso ya mokwalo, jljl.) se se amanang le porojeke se tsentswe.
Nna, ke rometse dikwalo tsotlhe tse di tlhokegang.
KA KOPO ELA TLHOKO: Karolo kana gotlhe ga tshedimosetso e o re tlamelang ka yona, e tla tsholwa mo khomphiuteng jaaka direkoto tsa rona. Tshedimosetso e e tla dirisediwa tsamaiso ya dikopo le dikabo le go tlhagisa dipalopalo. Dikhophi tsa tshedimosetso e di tla tlamelwa, fa go tlhokega, kwa bathong le ditheong tse re ka tlhokang go golagana natso fa re sekaseka dikopo le go tlhokomela dikabo. Mekgatlho e e neelanang ka matlotlo e amogana tshedimosetso le e mengwe go ba kgontsha go lemoga dikopo tsa bofora le go tsamaisa go diriwa ga dikopo tse di tlaleletsang. E nngwe ya tshedimosetso e o e tlamelang mo foromong ya kopo e tla dirisiwa ke tirelo ya tsholotshedimosetso. E ntse e ka dirIsiwa ke Lefapha la Botsweretshi le Setso.
<fn>tsn_Article_National Language Services_TIRISODIKGOKA E E IKAEGILENG KA BONG LE MOLAO WA TEKATEKANO.txt</fn>
Tirisodikgoka e e ikaegileng ka Bong ke eng?
Tirisodikgoka e e ikaegileng ka bong e akaretsa mefuta e e farologaneng ya tshotlakako mme yona e akaretsa petelelo, go tshosetsa ka thobalano, go jewa ntsoma, go nyatsa, go ketekiwa, go betelelwa ga bana, tirisodikgoka ya mo malapeng, go robalana ga masika, go rekisa mmele e seng ka go rata (go ananngwa ga thobalano), go bogisiwa, go tsenngwa dilo mo mapeleng le maiteko a petelelo.
Tiriso ya lereo la "tirisodikgoka e e ikaegileng ka bong" e tlamela ka bokao jo bo ntšhwa jo re tshwanetse go sekaseka le go tlhaloganya tirisodikgoka kgatlhanong le basadi ka jona. E sutisa megopolo go tswa mo go boneng basadi jaaka batswasetlhabelo mme e o lebisa kwa goreng go lebelelwe gore bong le go tlhoka tekatekano ya maatla mo dikamanong tsa basadi le banna, go go bakilweng le go tswelediwa ke megopolo e e fosagetseng e e ka ga bong, ke tsona tota modi wa tirisodikgoka kgatlhanong le basadi.
Lereo la "tirisodikgoka kgatlhanong le basadi" le kaya tiro epe fela ya tirisodikgoka e e ikaegileng ka bong e e bakang, gongwe e e ka bakang, kgobalo gongwe kutlobotlhoko ya mmele, thobalano, maikutlo mo basading, go akarediwa matshosetsi a ditiro tseo, pateletso gongwe go ilediwa kgololesego, e ka nna mo botshelong jwa poraefete gongwe mo setšhabeng.
Go kgarakgatsha ka thobalano ke eng?
Go kgarakgatsha ka thobalano le go pateletsa ke mareo a kakaretso a maitsholo a a farologaneng. Mafoko a a tlwaetseng go dirisiwa go tlhalosa ditshotlakako tseno a akaretsa: 'petelelo', 'petelelo ya maitiso', 'petelelo ya setlhopha', 'go patelediwa go robalana', 'tirisodikgoka ya thobalano', 'go sotlakakaiwa'. 'go bontsha ba bangwe mapele' le 'go tshwaratshwariwa go go sa batlweng'. Maitsholo a a jalo ke tswelelopele e e jalo mme a farologana go tloga go go tshwaratshwariwa o sa batle le ditshwaelo tsa thobalano, go ya go petelelo gongwe polao ya petelelo. Le fa go na le pharologano e e bonalang magareng ga maitsholo a a kailweng mo dintlheng tse di farologaneng tsa tswelelopele (pharologano magareng ga go lelediwa molodi ka tsela e e bontshang kgatlhego ya thobalano le go betelelwa), bontsi jwa maitsholo a a bapileng bo a fetela mme bo kopane, mme seno se bake gore go nne le ketsaetsego e e tleng e bake dikganetsano.
Tirisodikgoka ya mo malapeng ke eng?
Batho ba le bantsi ba akanya gore tirisodikgoka e kaya fela tlhaselo e e bakang dikgobalo mo bathong. Tlhaloso e e atologileng ya tirisodikgoka e tshwanetse go akaretsa go sotliwa mo maikutlong le tshenyo ya dithoto jaaka tirisodikgoka. Fa re bua ka tirisodikgoka mo dikamanong tsa malapa, re dirisa tlhaloso eno ya tirisodikgoka. Fa re dirisa lereo la 'tshotlakako' le lona le kaya tirisodikgoka ya mo malapeng.
Mokgwa wa taolo e e patelediwang ke motho yo mongwe go yo mongwe gore a kgone go mo gatelela le go dira jaaka a batla. Tshotlakako ke maitsholo a a utlwisang botlhoko mo mmeleng, a tsosang letshogo, a thibelang motho go dira se a se batlang gongwe a ba pateletsa go itshola ka ditsela tse ba sa di itlhopheleng ka kgololesego.
Go ntsha motho setlhabelo la bobedi ke eng?
Go ntsha motho setlhabelo la bobedi go kaya thulaganyo ya go dira gore motho yo e setseng e le motswasetlhabelo wa bosenyi, e nne motswasetlhabelo gape. Seno se diragala mo magatong a a farologaneng, mo tsamaisong ya bosiamisi le mo baaging. Go ntsha motho setlhabelo la bobedi go diragala fa ditheo (gongwe batho) tse di rweleng maikarabelo a tlhokomelo ya batswasetlhabelo di ikgatholosa maikarabelo ano, mme ka ntlha ya seno, motswasetlhabelo a itemogele kutlobotlhoko e nngwe gape.
Maatlafatso ya batswasetlhabelo ke eng?
Mekgatlho ya baagi e ka nna le seabe se se tlhaga sa go fokotsa go ntsha batho setlhabelo la bobedi ka go tlamela ditheo tse di farologaneng le baagi ka tshedimosetso. Go botlhokwa tota gore batswasetlhabelo ba maatlafadiwe le gore ditheo di rwale maikarabelo gore go fedisiwe ditiragalo tsa go ntsha batho batswasetlhabelo la bobedi mo tsamaisong ya bosiamisi. Motswasetlhabelo ke motho mongwe le mongwe yo o utlwisitsweng botlhoko gongwe a latlhegetswe ke sengwe ka ntlha ya bosenyi, fa maatlafatso yona e kaya "go naya maatla". Ka jalo, maatlafatso ya batswasetlhabelo e kaya: go naya ba ba utlwisitsweng botlhoko maatla.
Mokgwa o o ikaegileng ka motswasetlhabelo ke eng?
Ditlamelo tsa Molaotheo ke dife?
Tshwanelo ya go gololesega mo tirisodikgokeng le tshotlakako mo setšhabeng le kwa lapeng.
Molaotheo o naya mongwe le mongwe tshwanelo ya kgololesego le pabalesego ya motho kgatlhanong le mefuta yotlhe ya tirisodikgoka.
Molaotheo o dira tlamelo ya gore ga gona motho ope yo o tshwanetseng go tlhaolwa mo tirong. Seno se kaya gore basadi le banna ba tshwanetse go nna le ditshono tse di lekalekanang mo tirong. Basadi le banna ba na le tshiamelo ya go dira mo lefelong le le se nang kgarakgatsho ya thobalano.
Go atolosiwa ga tlhaloso ya petelelo go akaretsa thobalano ya go tsenya bonna mo bosading ntle le tumelelo ya motho yo mongwe le gore e nne tlolomolao e e akaretsang bong.
<fn>tsn_Article_National Language Services_TOGAMAANO YA TEMOTHUO YA AFORIKA BORWA (2001).txt</fn>
E gatisitswe le go phasaladiwa ke Lefapha la Temothuo.
Bokaedi jwa Ditirelo tsa Tshedimosetso ya Temothuo.
Phitlhelelo e e lekanang le togamaano ya botsayakarolo 22 5.
Ditogamaano tse di tlaleletsang 35 6.
Togamaano ya lephata la temothuo ke ya botlhokwa thata gonne ke kumo ya mmuso le madirelo. Ke rata ka jalo go tlhagisa ditebogo tse di tseneletseng tsa me le go leboga Moporesidente, Rre Thabo Mbeki, ka boeteledipele jwa gagwe fa a ne a laletsa baemedi ba madirelo a Agri-SA le Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Balemerui ba Aforika (NAFU) go kopana le mmuso mo go thaleng letlhakore le le tshwanang la temothuo le mo go lona mmuso le madirelo ba tla tlamelelang matsapa a bona le metswedi mo tiragatsong ya lona.
Bokao jwa kgwebisano e ke gore mmuso le madirelo jaanong ba amogana ponalo mo mererong ya togamaano ya lephata; ba ka aga kgwebisani go tswa letlhomesong le le tshwanang; ba ya go amogana morwalo wa maatlafatso ya ikonomi ya bantsho le go godisa lotseno lwa madirelo a temothuo ka nako e le nngwe; mme go tloga jaanong go ya pele ba na le melaetsa e megolo e e tshwanang go isa kwa setšhabeng, kwa lephateng, kwa nageng, kontinenteng ya Aforika le lefatshe.
Pono ya lephata la temothuo le le kopaneng, le le se nang bomorafe le le atlegileng e ikaegile mo togamaanong ya maikaelelo a le mararo a phitlhelelo le botsayakarolo, go gaisana, go bona poelo le tsamaiso ya motswedi o o tswelelang. Seno ke pono ya lobaka lo lo leele e e tla latelwang thata mo ngwagakgolong o go tlisa taolelo ya temothuo e ntšha e e farologaneng e e kwa godimo go tswa mo go e e leng teng jaanong.
Lephata le leša le le solofetsweng le tla bo le itshiamiseditse go tshameka karolo ya lona ya tiragalo ya go tlamela dijo le dikumo tsa temothuo le ditirelo kwa nageng ya rona, kontinente le lefatshe. Go fitlha fa, Lefapha la Temothuo le lemogile dikgato tse di tshisintsweng tse mmuso o solofetsweng go di dira, mme o kopantse ba ba amegang mo togamaanong ya dingwaga tse tharo tse di tlang. Lefapha le tsenya gape go ya pele dikgato tse di tshisintsweng mo thulaganyong ya tiro e e amoganwang ke maloko ya ngwaga go tloga 2002 go ya pele.
Kwa maemong a tirisanommogo-gare mo lefapheng, Lefapha le akareditse mme le tla tswelela go akaretsa Mafapha a diporofense a Temothuo le a baikemedi ba temothuo mo setšhabeng, go tsaya togamaano ya lephata jaaka letlhomeso la pholisi mo go rulaganyeng nngwe le nngwe ya togamaano le dithulaganyetso tiro tsa maloko a setlhopha.
Kwa maemong a mmuso wa bosetšhaba, Lefapha le tsentse togamaano ya lephata mo lenanetemeng la Mokgwa wa Segopa sa Kabinete go bona tshegetso go tswa mafapheng a mangwe go kgona go diragatsa leano ka bokgoni. Lefapha le tla batla tshegetso ya Kabinete le go tsenya dikgato tse di tshisintsweng mo Letlhomesong la Togamaano la Mmuso la Nako ya Magareng go akarediwa mo Letlhomesong la Tshenyegelo la Nako ya Magareng.
Go sale jalo, Mmuso o lebisisa gape tekanyetso ya ona go ya ka matlole a a bonweng go tlhaeletsa leano la togamaano ya lephata mo nageng, go tsenngwa Palamente, diporofense, mebuso ya selegae, diintaseteri tsa temothuo le mekgatlho ya baagi. Go fitlha fa, Lefapha le tla ikaega mo balekaneng ba lona go tsaya karolo le go etelela pele mo mafelong a bona.
Ke rata go leboga Moporesidente wa Agri SA, Rre Japie Grobler le Moporesidente Rre Peter Ramotla wa Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Balemi wa Aforika, yo kwa ntle ga gagwe konotelo ya asaenemente e ya kwa Moporesidenteng e ka bong e sa kgonega. Ba ne ba tlamela batlhankedi ba bona go kopana le bale ba Lefapha go bopa Setlhopha sa Tiro go dira tiro. Ba ne gape ba rebola Mokaedi wa Tsamaiso wa Agri-SA Rre Jack Raath le Mokaedi wa Tsamaiso NAFU, Rre Mocks Mothabela go golagana le Mokaedi Kakaretso, Mme Bongiwe Njobe go tlhokomela ditiro tsa Setlhopha sa Tiro.
Ke eletsa gape go leboga Motlatsa Tona, Mmueledi Dirk du Toit, Tona ya Temothuo, Mokaedi Kakaretso, Mme Bongiwe Njobe le Ditlhogo tsa Porofense tsa Temothuo mmogo le batlhankedi ba bangwe ba bagolo ba mmuso go tshegetsa tirego e ya leano la lephata.
Maiteko a a ka bo a sa atlega kwa ntle ga ditshwaelo tse di agang tsa moeteledipele wa temothuo e e rulaganeng mo Aforika Borwa. Tsona di akaretsa Moporesidente, Rre Japie Grobler, Mokaedi wa Tsamaiso, Rre Jack Raath le baeteledipele ba Agri SA, Moporesidente, Rre Ramotla, Rre Teddy Matsetela le baeteledipele ba NAFU.
Ke atolosa gape ditebogo tsa me kwa go Moporofesara Johann Kirsten wa Yunibesithi ya Pretoria ka go tlhagisa dikwalo tse di latelanang tsa tokomane e, go tloga dintlheng tse di rerisanweng le ditaelo tsa Setlhopha sa Tiro. Kumako e e kgethegileng le bouto ya ditebogo di ya go Ina Goosen ka go rulaganya dikopano le go rulaganya diyamaleng, le Simon Malepeng go tsaya dintlha.
Ditebogo tsa bofelo di ya go Kemedi ya Dinaga tse di Kopaneng tsa Tsweletso ya Boditšhabatšhaba (USAID) ka boingotlo go tshegetsa maiteko a ka matlotlo.
Temothuo, e e tsenyeletsang ditiro tsotlhe tsa ikonomi go tloga tlamelong ya ditshwaelo tsa temothuo, bolemerui le go oketsa boleng, di sala go nna lephata la botlhokwa mo ikonoming ya Aforika Borwa go sa kgathalesege kabo ya tlhamalalo e nnye ya teng ya bogotlhe jwa kumo ya selegae (GDP).
Temothuo e tlamela dijo le faeba go fitlhelela ditlhokego tse pedi tsa botlhokwa. E kgonne ka katlego go fitlhelela ditlhokego tse, ka go oketsa tlhagiso kumo fa batho ba naga e ba ne ba le dimilione tse 4 fela mo tshokologong ya ngwagakgolo wa somaamabedi go ya go milione wa somaamane. Badiri ba dipolase, balemirui le malapa a bona gape ba tsaya karolo mo ikonoming fa ba dirisa megolo le meputso mo dithotong tsa modirisi le ditirelo, kana fa ba reka metšhini go tlhagisa mo setlheng se se latelang. Ka tsela e temothuo e nna mokwatla wa kgolo le tsweletso. Tlhotlheletso ya yona mo ikonoming e bontshitswe ka merwalela ya fa gautshwane e e sentseng dikarolo tsa diporofense tsa Bokone le Mpumalanga ka Tlhakole 2000, fa kelo ya kgolo ya naga e ya fatshe ka 1 %.
Temothuo e kgolo e ikarabelela 4,5 % ya GDP ya Aforika Borwa fa boleng jo bogolo jwa dijo tsa temothuo bo ikarabelela kwa 9 % e nngwe. Go na le balemirui ba bogwebi ba bagolo ba ba ka nnang 50000 ba segolo mme e seng fela, ba tserwe go tswa bathong ba basweu. Ka 2000 ba ne ba romela ntle bokana ka dibilione tse R16 tsa dikumo, kana go atamela 10 % ya diromelwa ntle tsotlhe tsa Aforika Borwa. Ba thapile bokana ka badiri ba le milione o le mongwe, kana bokana ka 11 % ya thapo e e feletseng e e rulagantsweng ya Aforika Borwa. Bontsi jwa badiri ba dipolase ba nna mo dipolaseng tsa bogwebi mme bana ba bona ba amogela thuto mo dikolong tsa dipolase. Dipolase tsa bogwebi ka jalo di tlamela botshelo le dintlo go maloko a lelapa a a ka nnang dimilione tse 6 e leng bathapiwa ba le milione o le mongwe le go tlamelela thuto ya bona.
Go na le gape balemirui ba bannye ba le 240 000 ba ba tlamelelang matshelo go maloko a lelapa a bona a a fetang milione o le mongwe le thapo ya sewelo go batho ba bangwe ba le 500 000. Ba tlamela dimmaraka tsa selegae le tsa kgaolo koo palo e kgolo ya barekisi ba ba sa kwadisiwang ba itirelang botshelo. Go feta foo, go na le tekanyetso ya balemirui ba dimilione tse tharo, segolo mo mafelong a tlhakanelo a dinaga magae tsa maloba, ba ba tlhagisang dijo segolo go fitlhelela ditlhokego tsa malapa a bona.
Kwa bofelong, ditiro tsa dikumo le loago tsa ditoropo tsa magae le mafelo a ditirelo di ikaegile ka tshegetso ya bona kwa temothuong e kgolo le ditiro tse di amegang, jaaka bojanala jwa temothuto le thuo ya diphologolo. Go feta halofo ya diporofense le bokana ka 40 % jwa bogotlhe jwa batho ba naga ka jalo di ikaegile segolo mo temothuong le madirelong a a amegang.
Ka ntlha ya seabe se se masisi sa lephata le le sephara la temothuo, Moporesidente Thabo Mbeki o e tsere go le botlhokwa go nna le dikopano tsa ka gale le setlhopha se se dirang go tswa temothuong e e rulaganeng go tlhomamisa ditlhokego tsa lephata le maemo malebana le merero ya bosetšhaba. Mo nakong nngwe kwa dikopanong tse ka Mopitlwe 2001 Moporesidente o ne a itsesiwe gore lephata le tshwentswe ke dilo tse dintsi mo pholising le maparego a ditheo a a di thibelang mo go direng ka botlalo mme ka jalo di nne le seabe sentle kwa maikaelelong a bosetšhaba a kgolo, bogaisani le tekano. Moporesidente o ne a kopa batsayakarolo ba ba farologaneng go lemoga leano la maitemogelo a a tla tlamelang tebo e e lekaneng go kopanya le go godisa lephata. O ne a re pono e e amoganwang e, e tshwanetse go nna le maikaelelo, dipholisi le dikgato tse di ka isang kwa kgolong le tsweletso ya nnete ya batsayakarolo botlhe mo lephateng.
Tokomane e, e tlhagisa thulaganyo ya togamaano ya lephata la temothuo la Aforika Borwa le go tsaya karolo mo go nneng le go nna sentle ga MaAforika Borwa. E ne ya kwalwa mo tiregong ya ditherisano ka tlhatlhamano e e sephara ya bannaleseabe ka bagwebisani ba thulaganyo e kgolo, e bong Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Balemirui wa Aforika, Agri SA le Lefapha la Temothuo.
Go tlhola pono e e tshwanang ya bannaleseabe ba bagolo.
Go rulaganya le go diragatsa letlhomeso la togamaano go kaela pholisi le tiragatso mo isagong.
Go lebelela merero e e nyatsang go nna le tshepo ga mmeletsi le go aga botoka go tlhaloganya le dikamano tsa loago tse dintle.
Go tlhotlhomisa phitlhelelo e e oketsegileng le botsayakarolo mo lephateng ka ditirego tsa maatlafatso tse di rulagantsweng le mananeo.
Go kopanya, go amogana o dirisa botoka metswedi le ditshiamelo magareng ga bagwebisani.
Go godisa kgaisano ka bogotlhe, kgolo le poelo mo lephateng go gogela dipeeletso tse di ša.
Go tlhomamisa tsweletso e e tswelelang.
Go aga kgwebisano e e sa feleng magareng ga batho, poraefete le bannaleseabe ba baagi le Mekgatlho e e seng ya Mmuso.
Pono e kaya botsayakarolo bo bo tswelelang bo bo nang le dipoelo mo ikonoming ya temothuo ya Aforika Borwa ka bannaleseabe botlhe, go lemogiwa tlhokego go tshola le go oketsa tlhagiso ya kgwebisano, go aga bogaisani jwa boditšhabatšhaba le go lebelela boswa jwa ditiragalo le ditlhotlheletso tse di isitseng mo phitlhelelong e e sokameng le kemedi.
Go tlhagisa phitlhelelo e e siameng le botsayakarolo mo lephateng la temothuo e e gaisanang ka bogotlhe, ya dipoelo e e tswelelang e e tsayang karolo mo botshelong bo bo botoka jwa botlhe.
Pono e neela setshwantsho se se bonalang sentle sa koo temothuo ya Aforika Borwa e ratang go nna teng mo nakong e telele. Sekgoreletsi segolo kwa tiragatsong e e atlegileng ya togamaano e ke bokgoni jo bogolo bo bo sa lemogiwang bo bo letseng mo bathong ba teng le metswedi ya matheriale, poelo e e kwa tlase le bogaisani bo bo kgoreletsang botsayakarolo jwa batho ba dipolotiki tsotlhe ka botlalo le bogotlhe jwa ikonomi. Bothata jo bo itshenotse mo palong ya ditlaleletsa mathata - mangwe le mangwe ka dikgwetlho tsa ona.
Matshwao ke a gore lephata la temothuo la Aforika Borwa le ikarabela sentle mo kgwetlhong ya bogaisani bo bo oketsegileng. Le gale, go na gape le bopaki jwa gore maphata a tlaleletso a temothuo le ditiro tse di oketsang boleng ga di gaisane mo mmarakeng wa selegae le wa boditšhabatšhaba. Seno se na le dibakwa tse di farologaneng, go akarediwa ditshenyegelo tse di tsenngwang tse di kwa godimo tse di kopaneng le tlhagiso kumo e e kwa tlase, ditogamaano tsa kgwebo tse di bokoa le tlhokego ya bokgoni, ditiro tsa kgwebo tse di sa siamang ka bagaisani le rona, jj. Tlhokego ya bogaisani jwa bditšhabatšhaba le yona e isa kwa poelong e e kwa tlase le dikamogelo tsa tlwaelo tse di kwa tlase mo lephateng, e gape e rweleng maikarabelo a peeletso mo madirelong a a rileng. Seno gongwe ke kgwetlho e kgolo e e tlhokang go lebelelwa go baya temothuo mo tseleng ya kgolo e e kwa godimo e e akantsweng.
Ka ntlha ya ditlamorago tsa tlhotlhololo le kgethololo mo temothuong ya Aforika Borwa, kgwetlho jaanong ke go tokafatsa botsayakarolo mo dikarolong tsotlhe tsa lephata le go e tlosa ka gangwe le ka maparego otlhe a go tsena a mantsi a a ikepetseng mo ditiragalong tsa bobedi jwa tsona. Kgwetlho segolo ke go lemoga mananeo a a tla rotloetsang ba ba tsenang ba bašwa - bantsho le basweu; bašwa le bagolo; banna le basadi; kgwebong ya sekale se se nnye le se se fa gare go tsenela lephata. Go botlhokwa go bona ditsela go tlhomamisa gore dikarolo tsotlhe tse, tse di farologaneng tsa lephata mo nneteng di ikutlwa le go ipona e le tsa karolo ya bongwe.
Botshepegi jo bo bokoa jwa mmeletsi mo temothuong bo bakilwe ke dipoelo tse di kwa tlase mmogo le mathata a a emeng le a a fa gare a ikonomi le loago a a nang le kamego mo peeletsong le tlhagiso jaaka leroborobo la dipolao tsa dipolase, go kobiwa le go nna go go seng ka fa molaong. Tshepo ya mmeletsi e a tlhokega go bona lephata la temothuo le le tsogileng le go gola.
Tlhaelo ya tsamaiso le tiragatso ya dikgato tse di atlhameng tse dintsi tsa mmuso, melawana le mananeo mmogo le ditsela tsa tshegetso tse di se nang bokgoni - tsotlhe tse di leng botlhokwa go tlhomamisa tikologo e e kgontshang ya temothuo - di bopa matshwenyego a magolo le kgwetlho kwa baemeding ba dinaga botlhe ba ba tshegetsang lephata la temothuo. Dintlha tse di nang le seabe mo mathateng a ke go nna dikabetla ga ditirelo tse di rileng, metswedi e e sa lekanang, taolelo e e bokoa le go ikarabelela mmogo le ditshwetso tsa khuduthamaga tse di bokoa le ka gantsi ditetelo tse di leele mo go tseyeng ditshwetso.
Lefatshe le le sa dirisiwang la bokgoni jo bo kwa godimo le jo bo fa gare ga le a lekana mo Aforika Borwa, mme go na le tekanyetso go ya katolosong ya thapamo ya tlhagiso ya temothuo. Mo tlaleletsong, dithulaganyetso le ditirelo go tshegetsa tiriso ya lefatshe e e tswelelang ga di a lekana. Mananeo a mmuso (k.g.r Tlhokomelo ya lefatshe le Go dira Ka Metsi) tse di ikaeletsweng kwa tshireletsong ya motheo wa motswedi di atlegile mme ga di a lekana. Tshenyo ya lefatshe e sala go nna bothata mo mafatsheng a a siameng a a sa lekanang. Ka kgatelelo e e oketsegileng mo temothuong go oketsa dikumo go ya ka yuniti ya lefatshe, ke kgwetlho e kgolo go tlhomamisa gore seno ga se diragale go ya ka tshenyo ya tshegetso ya motswedi wa tlholego.
Oketsa phitlhelelo ya tekano le botsayakarolo mo lephateng la temothuo.
Tokafatsa bogaisani jwa bogotlhe le poelo.
Tlhomamisa tsamaiso ya motswedi o o tswelelang.
Dielemente dingwe tsa ditogamaano tsa pinagare di a tlaleletsana mme di tla nna le seabe mo go tlholeng le go busetseng go itshepa mo temothuong.
Taolo e e siameng.
Tsweletso e e kopaneng e bile e tswelela ya magae.
Kitso le dikakanyo tse di ša.
Tirisanommogo ya boditšhabatšhaba.
Pabalesego le tshireletso.
Maikaelelo a a tlaleletsanang togamaano a a botlhokwa gonne a tlamela motheo wa botlhokwa o kwa ntle ga ona maikemisetso a togamaano a temothuo e e gaisanang, e e akaretsang le go tswelela e ka se bonweng. Di gatelela gape go ikaega ga lephata mo tshegetsong ya setlhopha sa mafapha a mangwe a mmuso le madirelo.
Pono ya lephata la temothuo le le tshwaraganeng le atlegile le tlhoka balekane go nna le dithulaganyo tsa tiro, ditshupetsi tsa tiragatso tse dikgolo, maemo a tsamaiso ya tirelo, go tlhokomela le ditsela tsa go sekaseka le ditekanyetso tsa nako gore go fitlhelelwe maikaelelo a thulaganyo ya togamaano ya lephata, e tlhoka gape gore Mmuso o dire dilo ka go farologana - ka lebelo le legolo le potlako le mo kgwebisanong le balemirui, ba kgwebo ya temothuo, Mekgatlho e e seng ya Mmuso le mafapha a mangwe a mmuso.
Kgato ya dithulaganyo tse di tletseng tsa thulaganyo ya togamaano e di ya go tlhagisiwa ke botlhe ba balekane bao ba ba ikabetseng maikarabelo a tiragatso ya teng. Se se tlhalositsweng mo tokomaneng e ke letlhomeso la togamaano, mananeo a tlang pele, sethwe se se kopaneng sa tiragatso le ditlamelo tsa kgwebisano ya baagi - setšhaba - poraefete. Go fitlha fa, balekane ba ba eteletseng pele, e bong Lefapha la Temothuo, Agri SA le NAFU - di tla tlhoma komiti e e kopaneng ya leruri. Maiteko a tsweletse go akaretsa bodiri bo bo rulaganeng, Mekgatlho e e seng ya Mmuso, mekgatlho e e ikaegileng ka baagi le mekgatlho ya kwa ntle.
Go diragatsa togamaano ya tshireletso le pabalesego ya motheo o o bulegileng e e dirang sentle le kemo ya loago, e e tshepegang e ikanyega.
Go tsweletsa pono e e amoganwang ka temothuo, tsamaiso e e siameng le kgwebisano ya loago.
Tshalomorago e e bonako ya lenaneo la kabo ya lefatshe go tlhabolola temothuo le ditirego tsa maatlafatso ya ditlhopha tse di ikaeletsweng.
Go fetola patlisiso ya temothuo, go fetisa thekenoloji, thuto le katoloso go arabela dimmaraka thata.
Go tlhalosa gape bothati jwa mmaraka wa temothuo le kgwebo ya boditšhabatšhaba mo nakong ya boto ya maloba e e neng e laola kgatlhanong le kgaisano e kgolo ya bogotlhe le ditlhokego tsa phitlhelelo ya mmaraka kwa baleming botlhe le ba kgwebo.
Go tlhoma tsela ya ditirelo tsa ditšhelete e e tshwaraganeng ya mo gae e e tlhagisiwang ke Pegelo ya Khomišene ya Strauss.
Go aga ditšhelete tse di dumelesegang tsa dipalopalo tsa temothuo le tshekatsheko ya ikonomi tse di fitlhelegang kwa balemiruing botlhe le ba kgwebo.
Go tlhagisa tsela ya tsamaiso ya kotsi e e tshwaraganeng e e dirang ya ditsela tsa boitekanelo jwa dimela le diphologolo, ditsela tsa tlhotlhwa le lotseno le matlhotlhapelo a tlholego.
Go gaba peeletso mo tsweletsong ya malokololo a magae go tlamela matlhagatlhaga, dithulaganyetso, nosetso, motlakase, ditlhaeletsano tsa megala, tsa dipalangwa, katiso le tsweletso ya bokgoni.
Go tlhoma lenaneo la tirisanommogo la temothuo la Aforika go etelela pele Maiteko a Mašwa a Aforika mo temothuong.
Go isa tlase ditshenyegelo ka kakaretso tsa tlhagiso, go akarediwa phokotso go ya pele mo makgethong le dituedisong mo diseeleng(mafuraa) le ditlhagisiwa tse dingwe.
Mo go tsona tsotlhe tse seabe sa botlhokwa sa lephata la poraefete mo go fitlheleleng maikaelelo a botsayakarolo, bogaisani le tsweletso se a lemogiwa. Ka jalo sengwe le sengwe se tla dirwa go tlhomamisa go dira mmogo le go rulaganya magareng ga mmuso le lephata la poraefete - go tewa balemirui, mekgatlho ya balemirui le kgwebo temothuo - gore go fitlhelelwe pono e ntšha ya lephata le le tshwaraganeng le le humileng la temothuo.
Tlholego ya khumo e e oketsegileng mo temothuong le mafelo a magae.
Thapo e e oketsegileng e e tswelelang mo temothuong.
Lotseno lo lo oketsegileng le dikamogelo tsa thefosano ya boditšhaba tse di oketsegileng.
Lehuma le le fokotsegileng le go sa lekaneng mo go nneng le lefatshe le maitshimololelo.
Nonofo ya temothuo e e tokafetseng.
Tshireletso ya dijo ya bosetšhaba le magae tse di tokafetseng.
Baagi ba magae ba ba tlhomameng le go babalesega, maemo a a fokotsegileng a bosenyi le ntwa, tlhabololo ya magae e e tswelelang.
Go itshepa ga mmeletsi go go tokafetseng le peeletso e kgolo ya selegae le baditšhaba mo ditirong tsa temothuo le mafelo a magae.
Balekane ba ineela go tlamela nako e e tlhokegang le ditšhelete le metswedi ya matheriale go tlhokomela tiragatso e e atlegileng ya togamaano. Go na le temogo e e utlwalang le ditebogo gore kgaolo e ntšha e a bulwa ya temothuo mo Aforika Borwa, kgaolotlase ya SADC le Kontinente ya Aforika.
Mo Puong ya gagwe ya Puisano le Setšhaba ka di 9 Tlhakole 2001, Moporesidente Thabo Mbeki o bontshitse gore fa tekano le tlhomamo di fitlheletswe kwa maemong a makero, kelo ya kgolo ya ikonomi e ne e sa le kwa tlase.
Isa ikonomi go ya tseleng ya kgolo e e kwa godimo.
Oketsa bogaisani le bokgoni.
Tsholetsa maemo a go thapelo ditiro.
Fokotsa lehuma le le tsweletseng le go sa lekalekaneng.
Moporesidente o bontshitse gore maikemisetso a a ka bonwa botoka ka tlhokomediso e e kgethegileng mo Letlhomesong le le Tshwaraganeng la go Rulaganya la Mmuso kwa maphateng a ikonomi a a bontshang bokgoni jo bo kwa godimo jwa kgolo le tlholego ya ditiro. O ne a sedimosa temothuo, maatla, bojanala, madirelo a setso, maphata a a rileng a ntshetsontle (go tsenyelediwa tirego ya temothuo), le tshedimosetso le madirelo a tlhaeletsano ya megala.
Lephata la temothuo, le le tlhalosiwang jaaka ditiro tsotlhe tse di amanang le tlamelo ya tlhagiso ya temothuo, temothuo le go dirwa le ditiro tsa phatlhalatso tse di oketsang boleng kwa dikumong tsa polase, di sala go nna lephata la botlhokwa mo ikonoming ya Aforika Borwa go ikgatholositswe kabo ka tlhamalalo e nnye ya yona le kumo ya selegae ya bogotlhe e e feletseng. (GDP).
E tlamelela tse pedi tsa ditlhokego tsa motheo tsa motho, e bong dijo le tlhale, mme e na le dikgolagano tse di tiileng tsa ikonomi le ditiro le maphata a mangwe a ikonomi, ka go rialo e na le seabe se se utlwalang mo kgolong ya ikonomi. E fitlheletse ditlhokego tse ka katlego ka tlhagiso e e oketsegileng fa ditšhaba tsa naga e ne e le dimilione tse 4 kwa tshokologong ya ngwagakgolo ya somaamabedi go fitlha go dimilione tse 40. Ka jalo ke mokwatla wa kgolo le tsweletso mo Aforika Borwa gonne e tlamela motheo o o tiileng le tshegetso kwa maphateng a mangwe a ikonomi. Tlhotlheletso ya yona mo ikonoming e bontshitswe ke merwalela ya gautshwane e e sentseng dikarolo tsa Porofense ya Bokone le Mpumalanga ka Tlhakole 2000, fa kelo ya kgolo ya GPG e wa ka 1%.
Temothuo ya motheo, e e nang le tlhagiso ka fa gare ga melelwane ya kgoro ya polase, e ikarabelela kwa tlase ga 5% ya GDP ya Aforika Borwa. Maraarane a temothuo ya dijo, a a nang le tlhagiso theo mmogo le koketso le maphata a tirego ya temothuo, e e ikarabelelang bokana ka 14% ya GDP. Go na le bokana ka balemirui ba khomešiale ba sekale se segolo ba le 50 000 ba segolo mme e seng fela, ba tsewang go tswa setšhabeng sa basweu. Ka 2000 ba ne ba romela ntle bokana ka badiri ba le milione o le mongwe, e e leng 11% ya bogotlhe jwa thapo ya lephata le le rulaganeng mo nageng. Bontsi jwa badiri ba ba nna mo dipolaseng tsa khomešiale mme bana ba bona ba amogela thuto mo dikolong tsa dipolase. Ka jalo dipolase tsa khomešiale di tlamelela botshelo le dintlo go maloko a lelapa a a ka nnang dimilione tse 6 tsa badiri ba le milione o le mongwe le go tlamelela ditlhokego tsa thuto ya bona.
Go na gape le balemirui ba bannye ba le 240 000 ba ba tlamelelang botshelo kwa go feteng milione o le mongwe wa maloko a lelapa, le thapo ya sewelo go batho ba bangwe ba le 500 000. Balemirui ba ba tlamela dimmaraka tsa selegae le kgaolo koo dipalo tse dikgolo tsa bagwebi ba ba seng mo molaong ba itirelang botshelo. Go feta moo, balemirui ba ba lekanyediwang go dimilione tse 3 ba dintlo ba ba beilweng segolo mo mafelong a tlhakanelo a dinagamagae tsa maloba, ba tlhagisa segolo go fitlhelela karolo ya ditlhokego tsa lelapa tsotlhe. Kwa bofelong, go lekana le ditiro tsotlhe tsa tlhagiso le loago tsa ditoropo tsa magae le ditikatikwe tsa tirelo di ikaegile ka temothuo theo le ditiro tse di amaneng tsa loago. Seno se akaretsa temothuo ya bojanala e e golang e e ratwang le e e botlhokwa mo ikonoming le ditiro tsa thuo ya diphologolo. Go feta halofo ya diporofense le bokana ka 40% ya ditšhaba tsotlhe tsa naga ka jalo di ikaegile segolo ka temothuo le madirelo a a amegang.
Togamaano e ya thulaganyo e tsweleditswe ke Lefapha la Temothuo, Agri SA le NAFU ka kopo ya Moporesidente go fetolela tikologo e e siameng mo maikaelelong, dipholising le ditirong tse di tla isang kwa kgolong le tswelelong ya bannaleseabe botlhe mo lephateng. Kopo e, e ne e le poelo e e tlhamaletseng ya kopano ya setlhopha sa go dira sa temothuo sa Moporesidente ka Mopitlwe 2001, koo Moporesidente a gwetlhileng baanaleseabe go lemoga leano le le bonolo le le tla lebelelang bongwe le kgolo ya lephata.
Palo ya balekane ba togamaano e amegile mo tsweletsong le tiragatsong ya leano la togamaano ya lephata. Bano ba karetsa mmuso, balemirui, temothuokgwebo, mekgatlho ya tirelo ya temothuo, bodiri bo bo rulaganeng, mekgatlho e e ikaegileng ka baagi le mekgatlho ya boditšhaba. Bano ke bannaleseabe botlhe ba botlhokwa le badirisi ba togamaano ba ba akanyeditsweng go direla modirisi wa bofelo, batho ba Aforika Borwa go fitlhelela maikaelelo a botshelo jo bo botoka go botlhe.
Le fa e le masisi mo katlegong ya temothuo, ntlha ya bodiri bo bo rulagantsweng e ne e sa lebelelwa ka totobalo mo tokomaneng gonne bontsi jwa merero e e lebeletswe mo go "Common vision on farm labour" e e konoseditsweng fa gautshwane. Merero mo tokomaneng e e bopa karolo ya botlhokwa ya go diragatsa togamaano ya lephata le.
Tirego ya go tsweletsa Togamaano e ne ya etelelwa pele ke palo ya ditokomane tsa mmuso le ditogamaano tse dingwe.
Maiteko a Mašwa a Aforika (A pele e neng e le Leano la Mileniamo la Nonofa la Aforika) a mo go ona baeteledipele ba Aforika ba itlamang ka pono e e tshwanang le maipofo a a tsepamang a kutlwano go tlosa lehuma le go baya mafatshe a bona mo tseleng ya kgolo e e tswelelang le tsweletso.
Togamaano ya Tsweletso ya Magae e e Kopaneng e e Tswelelang ka maikaelelo a leano go fetolela Aforika Borwa ya magae go nna lephata le le dirang ka katlego mo ikonoming le tlhomamo mo loagong le lephata la kutlwano le le dirang seabe sa botlhokwa go GDP ya setšhaba.
Khomišene ya Maatlafatso ya Ikonomi ya Bantsho le thulaganyo ya leano la bosetšhaba la Maatlafatso ya Ikonomi ya Bantsho (BEE).
Kabo gape ya mafatshe ya lenaneo la Tsweletso ya Temothuo (LRAD), lenaneo tlaleletso la lenaneo la kabo gape ya mafatshe. Lenaneo le akanyeditswe go tlamela dikabo kwa baaging ba pele ba neng ba kgapetswe thoko ba Aforika Borwa go fitlhelela lefatshe ka tsepamo ka mabaka a temothuo.
Pono le Khouto ya Maitsholo ya Dikamano tsa Bodiri mo Temothuong e e kwadilweng ke temothuo e e rulagantsweng, mekgatlho ya bodiri le Lefapha la Badiri. Pono e e tshwanang e e amoganweng ka phetogo ya mafatshe e amoganwa gape jaanong mo tiregong ya go kwalwa.
Letlhomeso la Thulaganyo le le Kopaneng la Mmuso.
Pampiri e Tshweu ya Temothuo ya 1995 le Tokomane ya Ditherisano ya 1998 ya Pholisi ya Temothuo.
Mo karolong e e latelang pono ya lephata la temothuo e a tswelediwa le go tlhalosiwa. Karolo 3 ka go latelana e sedimosa maemo a jaanong mo lephateng, e e thusang mo go lemogeng, mo Karolong 4, dikgwetlho tsa go fitlhelela pono. Dikgwetlho tsa lephata di isa kwa ditogamaanong tse tharo, tse di tlhalosiwang ka botlalo mo go Karolo 5. Ditogamaano tse dikgolo tse tharo ga di kitla di dira mo bonosing, mme di ikaegile ka ditogamaano tse di tlaleletsang tse tlhano tse di tlhalosiwang mo go Karolo 6, tse tota, di bopang motheo wa go fitlhelela maikaelelo a togamaano. Karolo 7 e tlhagisa "ka moo o ka " ya leano la togamaano ka go sedimosa mananeo a tse di tlang pele le dipopego le ditirego tsa tiragatso.
Ditengtiriso le dikgwetlho tse di neilweng ke Moporesidente mmogo le mafelo a motheo le boleng jwa setšhaba sa Aforika Borwa o mošwa di laolela pono ya lephata la temothuo.
Pono e tlhalosa lephata le le kopaneng le le direlwang ke letlhomeso la pholisi e e kgonegang e e rulagantsweng go nna moratho wa dikarolo tse pedi tse di bonalang le go oketsa seabe sa lephata mo kgolong ya ikonomi le tsweletso.
Pono e kaya botsayakarolo jwa poelo jo bo tswelelang mo ikonoming ya temothuo ya Aforika Borwa ka mefutafuta e e tletseng ya dilo tse di ikemetseng di le teng tsa ikonomi, go lemogiwa ka botlalo botlhokwa jwa tlhagiso ya khomešiale e e tswelelang mmogo le bonnete jwa ditshalelo tsa ditiragalo le ditshokamo tse di bakileng phitlhelelo e e thulameng le kemedi. Pono e amogela bomefutafuta jwa lephata mme e ikaelela go tlhomamisa lefelo le seabe tsa balemirui botlhe mo lephateng le le kopaneng. Tebo e e jalo e tsewa e le maleba mo maemong a tsweletso ya ga jaana ya setšhaba sa Aforika Borwa mme e tla tlhola motheo wa bonno mme ya tsenya ditlhopha tsotlhe maatla le ditlhopha tse tsa setšhaba se se kgaoganeng ka ditiragalo, e bong dikgwebo tse dinnye, tsa magareng le tse dikgolo mmogo le ditlhopha tse di ikgatholositsweng go ya ka ditiragalo (go tewa morafe, bong le ditlhopha tsa bašwa).
Go tlhola phitlhelelo e e lekanang botsayakarolo mo lephateng la temothuo la bogotlhe le le gaisanang, la dipoelo le le tswelelang le le nang le seabe mo botshelong jo bo botoka jwa botlhe.
Maikemisetso a togamaano a a tla kaela bagwebisani botlhe ba loago ba ba maleba mo tlhologelelong ya bona go tlhagisa mefutafuta ya ditogamaano le mananeo.
Kakgolo e e siameng ya maiteko, kotsi le matlhagatlhaga.
Tshireletso ya go nna le thoto ya batsayakarolo ba jaanong le ka moso.
Phitlhelelo e e lakanang kwa metsweding le mabaka a tlhagiso.
Tiriso e e tswelelang ya metswedi ya tlholego le baoloji.
Patlisiso e e utlwalang, saense, kitso le ditsela tsa thekenoloji.
Maatla a mmaraka go lebisa tiro ya kgwebo le kabo ya motswedi.
Letlhomeso le le bonalang la go laola le ditirelo tsa mmuso tse di dirang.
Tlhomamo ya pholisi le ponelopele.
Badirammogo ba ba arabelang sentle magareng ga maphata a poraefete le setšhaba mo popegong ya pholisi le tsamaiso ya tirelo.
Tlholego e e oketsegileng ya lehumo mo temothuong le mafelo a magae.
Thapo e e oketsegileng e e tswelelang.
Matseno a a oketsegileng le dikamogelo tsa thefosano tsa boditšhaba tse di oketsegileng.
Lehuma le le fokotsegileng le go sa lekaneng mo lefatsheng le go nna le dikgwebo.
Nonofo e e tokafetseng mo temothuong.
Tshireletso e e tokafatseng ya bosetšhaba le dijo tsa mo dintlong.
Baagi ba ba tlhomameng ba magae ba ba babalesegileng, maemo a a fokotsegileng a bosenyi le dintwa, le tsweletso ya magae e e tswelelang.
Go tshepa go go tokafetseng ga mmeletsi go go isang kwa peeletsong e e oketsegileng ya selegae le ya boditšhaba mo ditirong tsa temothuo le mafelo a magae.
Boikgogomoso le seriti mo temothuong jaaka tiro le lephata.
Aforika Borwa e itlhopholotse ka maemo a a kwa godimo a lehuma, segolo mo mafelong a magae koo bokana ka 70% ya batho ba ba humanegileng ba Aforika Borwa ba nnang. Matseno a bona a a tshwarega gonne ikonomi ya magae ga e matlhagatlhaga mo go lekaneng go ba tlamela ka ditiro tse di duelang kana ditšhono tsa go ithapa.
Go na le mabaka a le mantsi a maemo a a boleng, mme a le mantsi a, a ikepetse mo dipholising tse di dirilweng mo nakong e e fetileng. Fa maemo a tlholego jaaka go fetofetoga ga tlelaemete, a lebega a le kotsi mme a baka mabaka mo temothuong, dipholisi tse di sa rulaganngwang le ditlamorago tse di sa ikaelelwang tsa dipholisi di rile mo nakong e e fetileng tsa baka kgolo e e sa nonofang le peeletso mo lephateng gape. Fa mafelo a magae a ne a na le motheo o o neng o ka tshegetsa dikamogelo tse dikgolo le maatla a tiriso madi, ikonomi ya magae e ne e ka nna maatla, ya gola le go tlhola ditšhono tse dintsi le go ithapa. Ka jalo, go ka ngangisanwa gore fa ikonomi ya Aforika Borwa e ka bo e latetse tsweletso e e farologaneng, ya bodiri bo bo tseneletseng, bo bo tsenyeletsang bo sa kgetholole le tsela ya go dumalana mo nakong e e fetileng, lehuma la magae le ka bo le sa nna le selebego se se bonalang sa setšhaba sa rona sa jaanong le ikonomi.
Diikonomi ka kakaretso di gola ka go sutisetsa metswedi ya motho le khepetlele kwa ntle ga maphata a magolo (temothuo, go epa/rafa), pele ka mo lephateng la madirelo mme morago mo ditirelong tsa lephata. Seno se diragetse jalo le ka Aforika Borwa, koo kgabaganyo go ya nakong ya morago ga madirelo e setseng e tsweletse. Gone go na le bopaki jwa gore mo tiregong e maphata a magolo (jaaka temothuo) a ka bo a paletswe ke go fitlhelela bokgoni jwa ona ka botlalo kana a dirile jalo ka mokgwa o o sekameng mo go isitseng kwa palong e kgolo ya batho ba tlhophololwa mo ditshiamelong tsa go dira dilo go nna tsa segompieno.
Temothuo ya khomešiale ya Aforika Borwa e latetse tsela ya kgolo e e tseneletseng ya bokhepetlele go feta, fa metswedi ya temothuo ya botlhokwa (batho le matheriale) e ntse e sa dirisiwe kana e sa dirisiwe ka botlalo mo mafelong a maloba a dinagamagae. Bobedi jo jwa diponagalo bo amile bokgoni jwa go bona lotseno ga batho ba magae. Go feta foo, bokgoni jwa tsa kgwebo jwa balemi ba Bantsho bo ne jwa gatelelwa, mo lebakeng la ntlha ka go tlhophololwa go tswa mmarakeng wa lefatshe wa khomešiale le gore jaanong ka ntlha ya bolemirui jwa ntle le tuelo jwa tshegetso ya khomešiale bo ne bo tota bo sa kgonege mo mafelong a dinagamagae. Ditšhono tsa ditiro mo temothuong ya khomešiale di ne di tota di santse di lekanyeditswe segolo badiri ba ba se nang bokgoni ba amogela mogolo o o kwa tlase, le kabo e kgolo ya bogotlhe jwa thapo mo temothuong ya khomešiale ke ya boleng jwa go ya ka ditlha kana nakwana fela. Go feta foo, tsela e ya kgolo e kaile gore madirelo a a ya ntlheng ya godimo e le nngwe (difeme tsa dikumo) le tse di fologelelang ntlheng e le nngwe (metšhine ya dijo le faeba) tse di amanang le temothuo di ne di thibelwa, ka go rialo go timiwa batho ba magae ditšhono tsa ikonomi.
Mabaka a a ne a ikarabelela segolo go tlhola sebedi se se feteletseng le go sa lekane mo temothuong. Sebedi se se tlhodile pharologano ya' rona' le' bona' magareng ga batsayakarolo mme se isitse kwa mokgweng wa go dira pholisi le tsamaiso ya tirelo e e tsepameng mo ditemothuong tse pedi go na le lephata le le esi le le kopaneng - e le nngwe ya balemirui ba khomešiale le e le nngwe ya se se bidiwang balemirui ba ba rotogang. Go na le ka jalo tlhaelo e e feteletseng ya pono e e tshwanang ('rona/ re/ ya') le go tlhaloganya mo temothuong le kakanyo e nnye ya bommogo le go nna gongwe. Lephata le la togamaano le tlhoka go fedisa mokgwa o wa go se utlwane le o o kotsi.
Fa e sale 1990, ditirego di le mmalwa di diragetse go fetola peomolao ya kgethololo le go tokafatsa batsayakarolo, fa ka nako e le nngwe maiteko a mangwe a le mmalwa a diragaditswe go laola sešwa le go golola lephata. Dingwe tsa dikgato tse di nnile le ditlamorago tse di sa ikaelelwang.
Go laolwa lešwa ga go bapatsa dikumo tsa temothuo.
Diphetogo mo tsholong ya lekgeto la temothuo, go tsenyeletsa khutliso ya dithebolelo tsa lekgeto tse di rileng tse di ratileng lephata.
Phokotsego mo ditshenyegelong tsa tekanyetso ka tlhamalalo mo lephateng.
Phetogo ya lefatshe, e e nang le puseletso, kabo gape le mananeo a phetogo ya go tshwara lefatshe.
Phetogo ya pholisi ya kgwebo, e e akareditseng kelotefo ya dikumo tsa polase le kgololo ya kakaretso ya kgwebo ya temothuo go tsenyelediwa ditumalano tsa kgwebo ya mahala.
Phetogo ya setheo e e tlhotlheletang taolo ya temothuo.
Tiragatso ya peomolao ya bodiri kwa lephateng la temothuo.
Diphetogo tse di na le ditlamorago tse dikgolo tse di isang mo bogareng go tlhagiso e e okeditsweng le go temothuo e e feletseng ya bogaisani, le fa balemirui ba le bantsi ba nnile mojo wa manong kwa dikakabalong tsa boditšhaba, maemo a bosa a a sa tsepamang, maemo a a melato a a etegelang le ditumalano tse di yang tlase tsa kgwebo. Seno gotlhelele le bodiri bo boša, metsi le peomolao ya phetolo ya lefatshe di isitse kwa dikgopolong tse di sokameng malebana le maikaelelo a peomolao e, ditsholofelo tse di ileng magoletsa tsa bodiri, dipego tsa phatlhalatsa ka ditlhopha kgatelelo tse di farologaneng, di nnile le seabe mo tsibogong e e sa siamang magareng ga balemirui ba khomešiale le phokotso mo palong ya bathapiwa ba nako yotlhe mo dipolaseng.
Tirego ya ka bonako ya go fetola le go golola mo dingwageng tse di lesome e tlhagisitse gape bokgoni jo bo lekanyeditsweng jwa balemirui ba le bantsi go lepalepana le pholisi le diphetogo tsa papatso. Tlhagiso e kgolwane kwa kgaisanong ya boditšhabatšhaba e amile bogaisani jwa teng ka fa go sa siamang, go go tlholang gore balemirui ba le bantsi ba tlogele madirelo. Mo ikonoming e e butsweng, e e gaisanang, ditsela tse dinnye tsa temothuo le tsona di a palelwa kana di fitlhela go le boima go nna karolo ya temothuo ya tse dikgolo.
Le fa palo ya dipitlagano le mafelo a mathata di thibela lephata la temothuo mo go direng ka bokgoni bo bo feletseng, seno ke karolo fela ya setshwantsho. Go na le ditshupetso tse di siameng tse balemirui bangwe ba dirang sentle ka fa tlase ga mabaka a ga jaana. Go mo molaleng gape gore go na le motheo o o siameng le boitshwaro jo bo siameng le boineelo magareng ga balemirui, mekgwa ya go dira mo kgwebotemothuong le mmuso go mekamekana le dikgwetlho tse di latelang le go di fetolela go nna ditšhono.
Go tswa mo ditherisanong tse di eteletseng pele go a kgonega go lemoga mathata a, le dikgwetlho mo lephateng. Kgwetlho kgolo mo temothuong ya Aforika Borwa ke go bulela bokgoni bo bo sa dirisiwang mo peleng bo bo letseng mo bathong ba yona mmogo le poelo e e kwa tlase le bogaisani bo bo pitlaganyang botsayakarolo bo bo tletseng jwa batho ba mebala le makgaokgao a ikonomi. Bothata bo ikgarile mo palong ya ditlaleletso mathata - a mangwe le a mangwe a tlhagisa dikgwetlho tsa ona.
Ditemogo ke gore lephata la temothuo la Aforika Borwa le arabela sentle dikgwetlho tsa kgaisano e e oketsegileng. Le gale, tswelelopele e sala go nna karolo, mme go na le bopaki gore dtlaleletsa maphata mangwe tsa temothuo le ditiro tse di oketsang boleng ga di gaisane mo mmarakeng wa selegae le boditšhabatšhaba. Seno se tlholwa ke mabaka jaaka ditshenyegelo tse di kwa godimo tse di tsenngwang di kopane le tlhagiso e e kwa tlase ditogamaano tsa kgwebo tsa tlaleletso e e botoka le tlhokego ya bokgoni mmogo le ditiro tsa kgwebo tse di sa siamang. Tlhaelo ya bogaisani jwa boditšhaba le yona e isa kwa peeletsong e e kwa tlase mo maphateng a tlaleletso a a rileng. Gongwe seno ke kgwetlho e kgolo e e tlhokang go lebelelwa go baya temothuo mo kgolong e e kwa godimo e e bonetsweng pele le tsela ya tsweletso.
Re lebile masaledi a tlhophololo le kgethololo, kgwetlho jaanong ke go lotlolola ditalente le maatla a matlhagatlhaga a batho le go tokafatsa botsayakrolo jwa bona mo dintlheng tsotlhe tsa lephata le go le phepafatsa ka gangwe le ka gotlhe dikgoreletsi tsa go tsena tse di ikepetseng mo botemepeding jwa ditiragalo tsa teng. Kgwetlho ke go lemoga manaaneo go rotloetsa ba ba tsenelang ba bašwa: bantsho le basweu; bašwa le bagolo; banna le basadi; bagwebi ba sekale sennye le sa magareng, go tsena mo lephateng. Kwa bofelong, go botlhokwa go bona ditsela go tlhomamisa gore dikarolo tsotlhe tse di farologaneng tse tsa lephata mo nneteng di ikutlwa le go ipona di le tsa makgaokgao a le mangwe.
Go itshepa ga mmeeletsi yo o bokoa mo temothuong go tlholwa ke dipoelo tse di kwa tlase tse di boletsweng mmogo le kgatelelo e e tsepameng le bogare jwa ikonomi mmogo le loago mo peeletsong le tlhagiso jaaka dipolao tsa dipolase, diphuduso le go ipaya go go seng ka fa molaong. Mo tlaleletsong go na le dikgopolo tse di fosagetseng, go etegela ga maemo. Go itshepa ga mmeeletsi go a tlhokega go bona lephata le le matlhagatlhaga le le golang la temothuo.
Karolo e. ke e le nngwe ya dikarolo tsa mathata a magolo a a golaganeng le nngwe le nngwe ya mabaka a a umakilweng. Bokoa mo kgorosong le tiragatsong ya boalo bo bo sephara jwa dikgato tsa mmuso, melawana le mananeo mmogo le ditsela tse di sa nonofang tsa tshegetso - tsotlhe tse di leng masisi go tlhomamisa tikologo e e kgontshang temothuo - ke tlhobaboroko le kgwetlho go dikarolwana tsotlhe tsa mmuso tse di tshegetsang lephata la temothuo. Dintlha tse di nang le seabe mo bothateng bo ke makgaokgao a ditirelo tse di rileng, metswedi e e sa lekanang, taolo e e bokoa le maikarabelo mmogo le ditshwetso tsa khuduthamaga tse di bokoa le ditiego tsa kgabetsa tse di leele mo go tseyeng ditshwetso.
Lefatshe le le sa dirisiweng la bokgoni jo bo siameng le a tlhokega mo Aforika Borwa, mme go na le tekanyetso go ya katologong ya tlhagiso ya temothuo. Mo tlaleletsong, dithulaganyetso le ditirelo go tshegetsa tiriso e e tswelelang ya lefatshe, ga di a lekana. Mananeo a mmuso a a ikaeletseng go sireletsa motheo wa motswedi (k.g.r. Tlhokomelo ya Lefatshe le go Direla Metsi) a atlegile mme ga a lekana. Go nyenyefadiwa ga lefatshe go sala go nna bothata mo mafatsheng a a siameng le a a sa lemegang. Ka kgatelelo e e golang mo temothuong go tsholetsa dikumo go ya ka yuniti ya lefatshe, ke kgwetlho e kgolo go tlhomamisa gore seno ga se diragale mo tshenyong ya motheo wa motswedi wa tlholego.
Dikgwetlho tse di lemogilweng di tlhoka go lebelelwa ka bonako jo bogolo go kgontsha lephata la temothuo go tloga mo bonneteng jwa teng jwa ga jaana go ya maikaelelong a togamaano a phitlhelelo "e e lekanang le botsayakarolo mo bogotlheng bo bo gaisanang, bo bo boelwang le lephata la temothuo le le tswelelang le le nang le seabe mo botshelong bo bo botoka jwa botlhe". Maikaelelo a tshwanetse go fitlhelelwa ke togamaano ya temothuo ya Aforika Borwa e e nang le dielemente te tharo tse dikgolo, e bong phitlhelelo e e lekanang le botsayakarolo, bogotlhe bo bo gaisanang le poelo mmogo le tsamaiso ya motswedi o o tswelelang.
Phitlhelelo e e lekanang le togamaano ya batsayakarolo.
Maikaelelo a togamaano e ke go oketsa phitlhelelo e e lekanang le botsayakarolo mo ditšhonong tsa temothuo; go ntsha lefatshe bosemorafe le leano la go nna le sa gago; mmogo le go bulela bokgoni bo bo tletseng jwa kgwebo mo lephateng. Tebelelo ya teng e tla bo e le mo phetogong ya lefatshe, diphuthelwana tsa tshegetso tsa tshimololo ya ba e leng gona ba tsenang ba bašwa mo temothuong, kgwebisanong le kgodisong ya lephata.
Togamaano e e lebelela bobedi jwa ditiragalo tsa tlhophololo, le go rotloetsa botsayakarolo bo bo tswelelang jwa bao ba ba setseng e le karolo ya lephata. Le godisa gape tsweletso ya pono e e amoganwang le togamaano e e tshwanang ya temothuo e e tsenyeletsang e e mefutafuta e e tla akaretsang mebala yotlhe ya dikgwebo le disaese tsa dipolase, go tloga go e nnye thata go ya go e kgolo thata. Mmuso o tla re mo lebakeng le o tlhome letlhomeso la kgwebisano go diragatsa togamaano e ya botlhokwa e. Bopaki jwa dikgwebisano tse di siameng tse di tiileng le bofatlhosi bo bo tswelelang magareng ga balemirui ba khomešiale ba ba leng teng le ba bašwa ba ba tsenang ba tla rotloediwa.
Botsayakarolo bo bo tswelelang mo lephateng bo tla sirelediwa fa fela re kgapela thoko kgopolo e e sa siamang ya temothuo jaaka e tlhophololwa ke poelo e e kwa tlase, dikoloto, mathata a tshireletso, matshwenyego a modirisi a pabalesego ya dijo, merero ya semolao le phetogo e e bonya - mme ka jalo lephata le mo go lona batho ba se nang tshepo le boikgantsho. Bolemirui bo tsewa bo fekeediwa ke banna ba MaAforikanere ka kakanyo e e feteleditsweng ya matshosetsi, kgapelo thoko le tlhokomologo magareng ga balemirui ba ba leng teng le ba ba tla nnang bona. Tshokamo e nngwe ya bolemirui ke gore batho ba bantsho ga ba kgone go kana ba tshwanela go nna sengwe fa godimo ga maemo a loago a balemirui ba go tshelela mo lehumeng. Dikakanyo tse di tla fetoga fa fela dikgopolo ka fa teng le ka fa ntle ga temothuo di fetoga le go emelwa ke kgopolo ya temothuo e e tsogileng e e atlegileng le e e leng ya kemedi e gape e lebelelang matshwenyego a tikologo le pabalesego ya dijo ka badirisi.
Go godisa ba bašwa ba ba tsenang mo lephateng la temothuo, tsepamo e tla tlhokega mo maitekong a maatlafatso ya ikonomi mo bathong ba bantsho, mo basading, ba bogole le mo bašweng ba merafe yotlhe. Tirego ya go kgontsha MaAforika Borwa a mantsho go atlega mo bolemiruing jwa khomešiale le kgwebotemothuo e tla tlhoka maiteko a a rulagantsweng sentle le a a totileng go lekalekanya patlelo le go tlisa lephata la kemedi e e batlang e lekana e e akaretsang. Go feta foo, go lemotshega gore bašwa ba merafe yotlhe ke isago (bokamoso) ba tshwanetse go rotloediwa go tsaya karolo mo ditirong tsa temothuo. Maiteko a a tla rulaganngwa go tlhagisa lephata le le akareditseng le le le nonofileng go feta, le le tla tlamelang tshusumetso ya ikonomi ya magae e e golang, kwa ntle ga go otlhaya balemirui ba khomešiale ba ba leng teng.
Jaaka kgato ya ntlha go botlhokwa go dirana ka botlalo le phetogo ya lefatshe go tlhomamisa tlhomamo ya magae le tlhomamiso ya mmaraka. Tirego ya maatlafatso ya ikonomi mo temothuong ya Aforika Borwa e simolola ka phitlhelelo e e tokafetseng kwa lefatsheng le go bewa ga ditshwanelo tsa go nna le lefatshe tse di tiileng mo bathong le kwa mafelong a koo tseno di se yong.
Go dirana le phetogo ya lefatshe mo go nonofileng, go botlhokwa gore mekgwa yotlhe ya phitlhelelo ya lefatshe jaaka pusetso, kabo gape le phetogo ya go nna le lefatshe di newe tlhokomelo e e lekaneng. Ditirego di tla tsenyeletsa, fela di se nne tebo ya togamaano ya lephata le, lefatshe le dirisediwe mabaka a e seng a temothuo jaaka dintlo, jj.
Go latela tswelelopele e e bonya ka tiragatso ya kabo gape ya lefatshe mo dingwageng tse tlhano tsa ntlha morago ga 1994, lenaneo le rulagantswe gape. Phetogo ya Lefatshe e ntšha ya lenaneo la Tsweletso ya Temothuo (RAD) e rulagantswe go atolosa metseletsele ya dikgato tsa tshegetso e e tla nnang teng kwa baaging ba ba neng ba kgapetswe thoko pele ba Aforika Borwa go fitlhelela lefatshe segolo ka mabaka a temothuo. E tiisetsa filosofi ya kabo gape ya lefatshe le le thusiwang ke mmaraka ya lenaneo la pejana la phetogo ya lefatshe. Maitemogelo a boditšhabatšhaba a bontshitse gore mananeo a a ikaegileng ka mmaraka wa kabo gape ya lefatshe e e kaelwang ke naga ka gale a dira botoka go na le mananeo a a dirwang gotlhelele ke lephata la setšhaba. Lenaneo le le rulagantsweng, gape le na le bokgoni go itlhaganedisa go gorosiwa ga lefatshe, gonne ke lenaneo le le kopaneng le le bonolo mme le kgweediwa ke baamogeladitshiamelo ba ba ka kgonang go le dirisa mo ditseleng tse di temekang go ya ka maikemisetso le metswedi.
Mmuso o ineetse mo go tlhomamiseng katlego ya lenaneo le go tlhomamisa gore batho go tswa ditlhopheng tse di neng di kgapetswe thoko di bone phitlhelelo kwa lefatsheng ka tsela ya bonako e e rulaganeng. Le gale, go botlhoko gore naga e tshwanetse go dirisiwa go ungwa. Seno se tla diragala fela fa ditirelo tse dingwe tse di tshegetsang mmogo le mananeo a go katisa di tlametswe. Ka jalo go dumetswe gore phetogo ya lefatshe le bonno jwa balemirui ga di ka ke tsa diragala mo lefaufaung le gore mafapha a porofense a temothuo le mmuso wa selegae o tla tshwanelwa ke go tshwameka karolo e e botlhokwa mo go thuseng baamogeladitshiamelo. Seno se tla tlhoka gore mathata a bokgoni a mebuso ya porofense le ya selegae a lebelelwe jaaka ntlha ya ka bonako.
Boitlhopelo botlhe bo bo kgonegang jwa go bona phetogo ya lefatshe ya bonako e e tswelelang bo tla salwa morago. Seno se tla akaretsa go latlhiwa ga mafatshe a temothuo a beng ba e leng setšhaba jaaka karolo ya ntlha ya go tsepamisa tlhokomelo. Tsena di tla tlalelediwa ka dikgato jaaka dikema tsa go abelana tsa tekano, bolemirui jwa konteraka, bolemirui jwa go renta, phetolo ya go nna le lefatshe mo mafelong a a amoganwang ke batho ba le mmalwa le go bona mafatshe a poraefete.
Ka ntlha ya bontsi jwa bahumanegi ba magae ba tshela le go rua le go lema mo mafatsheng a a amoganwang ke batho ba le mmalwa, merero ya tshireletso ya go nna le lefatshe e tshwanetse go lebelelwa ka bonako. Go botlhokwa go tlamela dithotloetso tse di tokafaditsweng le ditšhono tsa peeletso mo mafelong a. Mme ka ntlha e, e le morero o o masisi, tirego ya tirisano e e tswelelang le bothati jwa setso go tlhomamisa katlego ya tirego e tla dirwa. Seno se tla pataganngwa le tsosoloso ya dikema tsa nosetso mo mafelong a dinagamagae tsa maloba le go sutisetsa tsamaiso le go nna tsa beng kwa balemiruing ba ba dumeletsweng le baagi.
Le fa phetolo ya mafatshe e le ntlha e e botlhokwa ya tshimololo mo go tlhomamiseng botsayakarolo bo bo ikadileng mo kelelong e kgolo ya temothuo, palo ya ditirelo tsa tshegetso e tlhoka go lebelelwa ka gangwe go tlhomamisa gore tirego ya phitlhelelo le maatlafatso e a atlega le go tswelela.
Fa maatla a setheo a a utlwalang le matlotlo di dirisitswe mo go tlameleleng phitlhelelo kwa lefatsheng go batsenedi ba ba ša mo bolemiruing mo dingwageng tse supa tse di fetileng, tlhokomelo e e kwa tlase e neilwe mananeo a tshegetso a molemirui. Go fitlha fa, tshegetso ya tshiamiso ya mafatshe ya morago go batsayakarolo mo mananeong a phetolo ya mafatshe e rulagantswe mo theong ya se se dirang mo lebakeng leo, ka ntlha ya seo gore kamego e nnile ya letlhakore fa e gaisitse. Re sale foo, ditirelo tsa tshegetso kwa balemiruing mo mafelong a dinagamagae di wele tsotlhe.
Go na le dikgwetlho tse pedi malebana le ditirelo tsa tshegetso tsa tshiamiso ya mafatshe ya morago. Ka la ntlheng, fa balemirui ba ba ša ba tshwanelwa ke go maatlafadiwa go tshameka seabe se se agang mo tsweletsong ya temothuo, go tlhokega gore ba tshwanetse go nna le phitlhelelo ya ditirelo tsa tshegetso. Le fa maitemogelo go tswa Aforika a bontshitse gape gore ditirelo tsa tshegetso kwa balemiruing ba bannye le ba sekale se segolo sa khomešiale. Ka jalo, kgwetlho ya ntlha ke go tokafatsa le go atolosa ditirelo tsa tshegetso tse di leng teng go fitlhelela ditlhokego tsa balemirui ba botlhe. Seno se tsenyeletsa tsweletso ya metseletsele ya ditiro tse di tswelelang jaaka go tiisediwa ga ditheo tsa tirelo ya go gorosa tsa patlisiso, ditirelo tsa ditšhelete, phitlhelelo kwa mmarakeng le tsweletso, katiso le tsweletso ya bokgoni le Mafapha a Porofense a Temothuo.
Kgwetlho ya bobedi ke go tlamela tshegetso e e lebeletsweng kwa balemiruing ba ba ša.
Tlamelo ya tshegetso ya pele ya bonno mo balemiruing ba ba thusiwang go tswa puseletsong ya tlhabololo ya lefatshe, kabo gape le tlhabololo ya tshwanelo ya lefatshe. Bonno jwa pele jwa lefatshe go fitlha jaanong bo tlhoka thulaganyo e e botoka segolo magareng ga Mafapha a Temothuo le Merero ya Lefatshe, magareng ga mebuso ya bosetšhaba le porofense, le mo bothating jwa selegae le mekgatlho ya balemirui le kgwebotemothuo.
Temogo ya balemirui ba bašwa ba go tswa ditlhopheng tse ka ditiragalo ba neng ba kgapetswe thoko ba ba boneng phitlhelelo kwa lefatsheng ka theko ya poraefete, khiro, tse di tlogetsweng jaaka boswa, jj. Tshekatsheko ya ditlhokego go tlhomamisa ditlhokego tsa bona go ya ka diphitlhelelo tsa tshegetso ya ditirelo e tla dirwa, le dikgaolo tsa mafelo le ditlhopha tsa tirelo koo ditlhokego tsa bona di leng dikgolo di tla lebelelwa jaaka kakanyetsopele ya tlamelo ya tirelo ya tshegetso.
Maiteko a tlhagiso e ntšha ya mananeo a tsweletso ya balemirui mo lefatsheng la tlhakanelo. Kgatelelo e tla bo e le mo tharabololong ya bothata le mo dikgatong go thusa balemirui ba go nna batlhagisi ba ba atlegileng mo nakong e khutshwane e e kgonegang. Seno se tla tlhoka phitlhelelo e e siameng kwa dimmarakeng, katisong, tlhabololo ya tshwanelo ya go nna le lefatshe, dithulaganyetso le dtirelo tsa tshegetso tse di lebeletsweng. Mananeo ka tirisanommogo a tla simololwa go tlamela dithotloetso tse di siameng go tlhomamisa botsayakarolo jwa bona.
Phitlhelelo ya mmaraka e e tokafaditsweng le tloso ya dikgoreletsi tsa mmaraka kwa go ba magorogo mašwa.
Phetiso e e godisitsweng ya thekenoloji kwa balemiruing ba bašwa kwa ditikatikong tsa boemo bo le bongwe tsa tshegetso tsa molemirui kwa maemong a selegae.
Tiragatso ya leano la motswedi wa motho wa tsweletso, e e tsenyeletsang tsweletso ya bogwebi potlana le diporojeke tsa dithuso.
Phitlhelelo e e tokafaditsweng kwa tlhatlhamanong e e akaretsang ya ditirelo tsa magae tsa ditšhelete ka phitlhelelo ntle le bokgoni jwa ditheo tsa magae tsa matlole.
Tebo e e tokafetseng, tirisanommogo le thulaganyo magareng ga ditheo tsa mmuso, temothuo e e rulaganeng, mekgatlho e e seng ya mmuso le mekgatlho ya magae e e amegang le mananeo a tsweletso ya molemirui ka diforamo kwa maemong a bosetšhaba, porofense le selegae. Diforamo tse di jalo di ka dirisiwa go lemoga ditlhokego le mananeo a a maleba a a tshwanetseng go amogela tebelelo ya pele, go buisana le go rarabolola dintlha tsa mathata ka mananeo a a leng teng, go tlhomamisa tlhokego ya dithotloetso le dikgwebisano tsa botlhe - poraefete go tokafatsa ikgono ya mananeo le go dira dikabelo malebana le dipholisi le didirisiwa tsa pholisi.
Dikgono le nonofo tse di tokafetseng tsa bodiri jwa katoloso mo teng ga lephata la poraefete le Mafapha a Porofense a Temothuo.
Botsayakarolo bo bo oketsegileng mo temothuong bo tla tshegediwa ke mananeo go thusa ba magorogo mašwa ka dithulaganyetso tsa mo polaseng. Dikao di akaretsa tshegetso ya go dira magora, tanka ya go ina, bodilo/sebopego, ditiro ysa tshomarelo ya mmu, matlole a ditheko tsa diruiwa le didiba tse di borilweng.
Kgato e e goboketsang e a kgodisa ka makgetlho a mantsi go maatlafatsa balemirui. Ka go dira mmogo, balemirui ba lemoga ditlhokego tsa maloko le go tiisetsa ditopo tsa bona, go kopanya maatla a bona a ikonomi le go lebelela ditlhaelo tsa mmaraka. Mmuso ka jalo o tla tshegetsa mekgatlho ya balemirui go aga boleng jwa bona le go tsweletsa mekgwa ya tlhaeletsano ya ka fa gare. Mo lebakeng le kgwebisano e e tiileng magareng ga NAFU le Agri SA e tla rotloediwa jaaka sedirisiwa se se maatla go maatlafatsa balemirui botlhe.
Dipolase tsa temothuo mo Aforika Borwa ke popego ya botlhokwa mo tshegetsong ya balemirui ba bašwa. Dipolase tse di leng teng di ka tshameka karolo ya botlhokwa, mme tlhomo ya dipolase mo baaging ba magae ba ba humanegileng e tshwanetse go rotloediwa. Maiteko a e sale gale malebana le se a tlhaetse ka ntlha ya maitsholo le boleng magareng ga maloko le tsamaiso le gape ka ntlha ya tlhaelo ya bokgoni jwa botsamaisi le dikgono, tse di isitseng kwa ditiragalong tse di bokoa tsa kgwebo. Dikgato tse di ša go simolola tsweletso ya dipolase ka kago ya bokgoni le dikgato tsa tshegetso ya ditšhelete tsa maikarabelo di tla dirwa.
Go na le tlhaelo ka kakaretso ya dithulaganyetso mo dinagamagaeng tsa maloba, fa maikuelo a tletse a go tsosolosa le go tshegetsa mo mafelong a magae a basweu a maloba. Seno se na le ditlamorago tsa go dira mafelo a go se gaisane. Gore go siamisiwe dithulaganyetso tse tsa go se lekane le go ikuela tlamelo ya tirelo e e tokafetseng, Mafapha a Porofense a Temothuo le bothati jwa selegae a tla kopiwa go thadisa dikgala tsa dithulaganyetso le go tlhomamisa gore lenane le le rulagantsweng le tlametswe mo Maanong a Tsweletso e e Kopanetsweng ya tsweletso ya dithulaganyetso. Seno se tla akaretsa tlhokomelo e newa ditoropo tsa magae le ditikatikwe tsa tirelo. Temothuo e tla tsenngwa mo tebong ya bogare jo bo tlang pele jwa selegae.
Bolemirui jwa segompieno bo fetogile ka ntlha ya dikgatelelo tsa ikonomi. Balemirui ba itshwareletse ka dikgato tsa go boloka ditshenyegelo jaaka phetogo, katoloso le koketso ya boleng jaaka ditsela tsa go lebelela dikgala tsa morokotso tse di welang fatshe. Dtogamaano tse ka gantsi di raya go fologela kwa ditirong tse dintsi tse dikgolo. Boleng bo bo fetogang kwa ditirong tse dintsi tse dikgolo. Boleng bo bo fetogang jwa go dira temothuo gape go kaya gore go na le legora le le akanngwang la go tsena mo go bamagorogo mašwa a mantsi a a nang le bokgoni mo temothuong. Go lebelela dikgwetlho tse tsa ikonomi, dikgato tsa diphetogo tse di ša di tla dirwa go kgontsha batho go tsena mo madirelong ka fa tlase ga maemo a jaanong.
Le gale diabe di le mmalwa di tshwaetse Mmuso mo phitlhelelong le togamaanong ya botsayakarolo. Go botlhokwa go lemoga gore lephata la poraefete - go tewa dikgwebo temothuo, balemirui, dipolase, mekgatlho ya balemirui - le na le karolo ya botlhokwa e ntsi go e tshameka mo go rotloetseng maatlafatso le botsayakarolo. Go ka bonako jaanong e bile go a tlhokega gore lephata la poraefete le tsaya kgwetlho e ya maatlafatso le tshiamo e e tokafetseng. Dithotloetso di tla tswelediwa go rotloetsa kamego ya lephata la poraefete mo tsweletsong ya temothuo le tiro ya maatlafatso.
Maikaelelo a togamaano e ke go godisa morokotso ka bogaisani jwa bogotlhe jo bo tswelelang mo tlamelong ya seabe mo lephateng la temothuo, tlhagiso kgolo, tiro- temothuo le madirelo a bojanala - temothuo. Mabaka a le marataro a tlhomamisa sebopego sa tikologo e mo go yona lephata le gaisanang le go godisa tlholego ya mosola wa kgaisano.
Ntlha ya maemo.
Maemo a topo.
Madirelo a a amanang le go tshegetsa.
Togamaano e e tiileng, kago le bobaba.
Boitshwaro jwa mmuso le pholisi.
Seabe sa sebaka.
Lengwe le lengwe la mabaka a a lebelelwang ka dikgato tsa togamaano tse di totobetseng go tokafatsa bogaisani ba temothuo.
Maemo a lebaka a kaya mabaka a tlhagiso, go nna teng le boleng jwa metswedi ya tlholego, maemo a ditlhotlhwa tsa tse di tsentsweng jaaka bodiri, diseele(mafura), dibolaya dikokwana, metšhine, kitso le dithulaganyetso. Mabaka a a botlhokwa mo lephateng gore le gaisane ka bogotlhe le ka morokotso.
Dithuto tsa fa gautshwane di bontshitse gore ntlha ya maemo mo Aforika Borwa e thibela bogaisani mo lephateng la temothuo le lephata la tsweletso ya temothuo. Sa botlhokwa mo lebakeng le ke ditlhotlhwa tse di tsenngwang, tlhagiso ya motheo wa motswedi wa tlholego, ditshenyegelo le boleng jwa bodiri bo bo sa katisiwang, ditshenyegelo tsa bodiri jwa bokgoni, ditshenyegelo tsa tsamaiso tse di amanngwang le go hira le bodiri jwa tsamaiso, boleng jwa dithulaganyetso, ditshenyeglo tsa khepetlele le ditshenyegelo le ditshenyegelo le go nna teng ga thekenoloji.
Mo papisong le batlhagisi ba bagolo ba mabele ba lefatshe jaaka US, EU, Argentina le Brazil, Aforika Borwa e na le mo papisong mebu ya bokgoni jo bo kwa tlase, tlelaemete e e omileng e e sa iketlang, le ikonomi ya ditshenyegelo tse di kwa godimo. Mabaka a a ketefaletsa temothuo ya Aforika Borwa segolo go gaisanana le dinaga tse. Ka jalo, gore e nne mo kgaisanong, tlhopho e e buletsweng balemirui mo tlhokegong ya tshegetso ya naga ke go nna le bokgoni le go fokotsa ditshenyegelo tsa tlhagiso segolo ka go dirisa dikabelo di le mmalwa ka nonofo.
Balemirui ba le bantsi le kgwebotemothuo di dirisitse ka katlego mananeo a go rulanngwa gape, phokotso ya ditshenyegelo, tsamaiso ya bodiri bo bo tokafetseng le tiriso e e siameng ya madi jaaka karolo ya togamaano ya go fokotsa ditshenyegelo tsa tlhagiso. Le gale, seno se tlamela fela ditharabololo ka bontlhabongwe le nakwana mo dipolaseng tse dintsi tsa saese tse dinnye le tsa magareng le ditirokgwebo tsa kgwebotemothuo. Mananeo a mmuso a a nang le kamego mo go iseng ditshenyegelo tsa tlhagiso ka gotlhe kwa tlase ka jalo a tlhokega go nna karolo ya botlhokwa ya togamaano ya bogaisani.
Se se totobetseng sa botlhokwa ke mafura, dipalangwa le ditshenyegelo tsa khepetlele. Ditshenyegelo tsa dipalangwa di tlhotlhelediwa segolo ke dithulaganyetso tsa dipalangwa tse di sa lekanang di tsamaisiwa bokoa. Dikao tsa tse di akaretsa go se nne teng ga matoroko a diterena jaaka dipalangwa tsa bontsi, tlhaelo ya kgaisano ka fa gare ya mo diporong le mo ditirelong tsa boemelakepe tse di isang kwa ditirelong tse di sa ikanyegeng le tse di tlhotlhwa godimo, ditirelo tsa phofiso ya dithoto e e lekanyeditsweng e e bitsang ya tlhagiso ya temothuo, dithulaganyetso tsa bosetšhaba tsa tsela e e senyegileng e sa lekana le dithulaganyetso tse di bokoa tsa tlhaeletsano. Mabaka a, a le esi a dira ditshenyegelo tsa tlhagiso mo temothuong mo kontinenteng ya Aforika tlhotlhwa godimo gane go feta go na le mo Asia, America le Yuropa.
Mmuso o na le karolo ya botlhokwa mo go lebelelng merero e.
Phokotso go ya pele mo makgethong le dituedisong mo diseeleng (mafura) le merwalo e mengwe.
Dithotloetso tsa sebopego sa tekanyetso sa mmuso go fokotsa ditshenyegelo tsa go fapogela mo ditlhagisong tse di gaisanang.
Didirisiwa tsa tshimologo tsa tlamelo ya matlole go thusa balemirui ba ba ša le ba ba leng teng go tsamaisa boleng jwa dikelo tsa morokotso tse di kwa godimo mo kelelong ya madi a seatleng.
Thadiso ya ditlhokego tsa dipalangwa tsa seporo mo tlhagelelong ya pholisi ya tsela go ya seporong ya temothuo.
Tiragatso ya " Pono le Khouto ya Maitsholo ya Dikamano tsa Bodiri mo Temothuong" e e kwadilweng ke temothuo e e rulaganeng, mekgatlho ya badiri le Lefapha la Bodiri, mmogo le phetogo ya mmaraka wa bodiri o o tswelelang.
Bogolo, kgolo le boleng jwa mmaraka wa selegae di tshameka karolo ya botlhokwa mo go direng madirelo go nna a a gaisanang ka gotlhe. Kgaisano ya selegae e e tiileng e botlhokwa mme ke fela mo mabakeng a sewelo madirelo a sa gaisaneng mo mmarakeng wa selegae o ka nnang o o gaisanang ka bogotlhe. Fa fela kelo ya kgolo ya ikonomi e le kwa tlase go na le bokgoni jwa kelo ya kgolo ya yona, saese ya mmaraka wa Aforika Borwa le kelo ya yona ya kgolo e e bonya ya dijo le dikumo tsa faeba di tla kgoreletsa bogaisani ba temothuo. Ka jalo, botlhokwa jo bogolo jwa go tsweletsa topo ya mmaraka wa selegae, o o tsenyeletsang mme o sa lekanyediwa mo kgodisong ya dimmaraka tse di kgotsofatsang le thotloetso ya bojanala temothuo le tiro kgwebo ya magae e e seng ya polase le ditiro.
Ditšhono tsa mmaraka ka gantsi ga di a tswelela ka ntlha ya tlhaelo ya tshedimosetso. Boleng, go nna teng le ditshenyegelo tsa tshedimosetso ya mmaraka di ama ka masisi bogaisani jwa borrakgwebo ba le bantsi mo mafaratlhatlheng a temothuo - dijo. Kwa ntle ga tshedimosetso e e ikanyegang e e mo nakong, dimmaraka tsa selegae tse di ša di tswelela ka bonya thata.
Tsela e e botlhale ya kgwebo ya temothuo ya motheo le lephata la temothuokgwebo le le tla tlamelang tshedimosetso e e botlhokwa ya ditshwetso tsa kgwebo le tsweletso ya mmaraka.
Tokafatso e e tswelelang ya tiro ya thuto ya tshedimosetso e e ikaegileng ka dipalo mo Lefapheng la Temothuo mo tirisanong mmogo le madirelo le Dipalopalo tsa Aforika Borwa.
Tsweletso ya dikgwebo tsa selegae tse di ša ka tirego ya sethuthusi mo mafelong a magae.
Go nna teng ga madirelo a a tlamelang tse di gaisanang ka bogotlhe, jaaka madirelo a merwalo, ditheo tsa ditšhelete, ditheo tsa patlisiso, dikhamphani tsa dipalangwa, batlamedi ba matheriale wa go phuthela le batlamedi ba ditirelo tsa setšhaba jaaka motlakase le metsi di na le seabe mo bogaisaning jwa lephata la temothuo.
Kokoano ya mmaraka e e oketsegileng magareng ga batlamedi ba merwalo le baabi mmogo le phekeetso e e oketsegileng ka difeme tsa bosetšhaba tse dintsi di ka ama ka fa go sa siamang bogaisani jwa lephata la temothuo. Maatla a difeme tse le tlhaelo ya kgaisano mo teng ga lephata di ka isa mo ditlhotlhweng tse di kwa godimo tsa kgabaganyo ya merwalo. Mo lebakeng le Mmuso o tla tlhokomela ditiro tsa kgaisano mo merwalong ya temothuo le madirelo tsa go aba le fa go tlhokegang, go thadisiwe maemo a kelotefo kana go diragatsa Molao wa Kgaisano.
Maiteko go bula bokgoni jwa kgolo ya dikumo tsa temothuo ya motheo go tswa mo ntlheng ya gore ditlhotlhwa tsa motlhagisi tsa dikumo tsa motheo jaaka mabele le peo ya oli di oketsega ka kelo e e bonya go na le ditlhotlhwa tsa teng tsa merwalo mo nakong e e rileng. Tiro ya batlhagisi ke go oketsa bokgoni jwa tlhagiso ya bona ka thapo e e nonofileng e ntsi ya merwalo le dithekeneki tsa tlhagiso. Seno se kaya gore tsela go ya tlhagisong e ntsi le bogaisani bo bo tokafetseng di letse mo go nneng teng ga merwalo ya kgaisano le tiragatso ya thekenoloji ya tlhagiso e e tokafetseng. Nonofo e e oketsegileng e ikaegile ka tiragatso ya thekenoloji e e tokafetseng. Patlisiso ya temothuo, katiso le ditheo tsa katoloso ka jalo di botlhokwa mo lephateng.
Ditheo tsa ditšhelete ke kgolagano ya botlhokwa mo go tlhomamiseng bogaisani jwa lephata. Balemirui ba khomešiale ka gale ba direlwa sentle ke dibanka tsa khomešiale le Banka ya Lefatshe. Ditheo tse, le gale di na le diphitlhelelo tse di lekanyeditsweng le ditirelo mo baaging ba ba humanegileng. Go feta foo, balemirui ba le bantsi ba bannye ba ikgatholositswe go tswa ditirelong tsa ditšhelete tse dintsi. Ka ntlha ya thalotlhakore e e kotsi e e kwa godimo e e akanngwang, e e akaretsang magareng ga tse dingwe, tlhaelo ya tsamaelano e tla re ka jalo ya rotloediwa. Tlhomo ya ditheo tse di ikaegileng mo selegaeng le ditšhelete tse dingwe tse di tla tsenyeletsang dipolase tsa tirelo ya ditšhelete le dibanka tsa motse, di tla godisiwa.
Maemo a a laolang ka fao dipolase le dikgwebotemothuo di tlholwang, di rulaganngwangle go tsamaisiwa le boleng jwa bobaba jwa selegae, a na le kamego ya botlhokwa mo bogaisaning jwa lephata. Tikologo ya bogaisani bo bo utlwalang mo lephateng ka tiragatso e e dirang ya pholisi ya kgaisano, tsamaiso ya kgwebo e e siameng le bokgoni di tshwanetse go tlhomamisiwa. Dikgono tsa tsamaiso tsa balemirui le maatla a mmaraka wa bareki ke mabaka a a botlhokwa thata mo katlegong ya bogaisani jwa lephata la temothuo - dijo. Dikeetane tsa mabenkele di nnile dikgolo le go nna maatla mo go reirisaneng le go tlhomamisa ditlhotlhwa tsa motlhagisi tsa selegae le boditšhabatšhaba. Balemirui ba nnile ka lebaka leo ka fa phefong mo ditherisanong tsa tlhotlhwa. Go tokafatsa maatla a puisano a balemirui, go nnile botlhokwa go bopa dikgwebisano le dikamano tsa botshepegi bo bo emeng ka go sa feleng magareng ga bannaleseabe ba ba farologaneng mo keetaneng e e tlamelang le go godisa tlhotlheletsano ya tlamelo ya keetane go dumelela ditšhono go oketsa boleng. Dikgato di tla tsewa go rotloetsa tsweletso ya dikgwebisano tsa keetane ya tlamelo tse di gaisanang ka fa teng ga ditlhopha tsa phatlho tse dikgolo.
Tlhotlheletso ya mmuso e ka nna e e siameng kana e e sa siamang, go ya ka dipholisi tsa yona, mananeo le ditsela tsa go dira. Temogo e teng mo bonnong bongwe jwa setlhopha sa temothuo gore dipholisi dingwe tsa mmuso le tlhaelo ya tiragatso e e nonofileng ya mananeo a mmuso ke dikgoreletsi mo bogaisaning jwa temothuo le madirelo a temothuo - dijo. Fa ditemogo di farologana magareng ga balemirui ba khomešiale ba ba leng teng le magorogo mašwa mo lephateng, go na le tumalano gore go sa lekaneng le makgaokgao a ditirelo dingwe, taolo e e bokoa le maikarabelo mmogo le ditshwetso tsa khuduthamaga tse di bokoa ga mmogo le tiragatso e e bonya ya ditshwetso tsa khuduthamaga ke merero e e tlhokang tlhokomelo ya ka bonako. Mmuso o tla re ka jalo wa naya tlhokomelo e e rileng go ditokafatso kwa maemong otlhe a tirelo ya go gorosa.
Temothuo ke go ya ka tlhaloso madirelo a a lebanweng ke kotsi ka mokgwa wa dipharologano tsa tlelaemete, disenyi, bolwetse le dikotsi tsa tlhotlhwa mmogo le matlhotlhapelo a tlholego jaaka dikomelelo le merwalela. Mo ditennye tsa Aforika Borwa HIV/AIDS, bosenyi, dikelo tsa nnete tsa morokotso tse di kwa godimo tse di fetofetogang, matlhotlhapelo a tlholego, ditlhotlhwa tse di sa itsetsepelang tse di bakwang ke tlelaemete e e sa bonelweng pele ke mabaka a magolo a botlhokwa a a oketsang ditshenyegelo le go gapeletsa bogaisani mo temothuong - dijo le mafaratlhatlha a faeba.
Togamaano ya tsamaiso e e kotsi e e dirang e botlhokwa kwa kgodisong ya didirisiwa tsa tsamaiso ya kotsi jaaka dikumo tsa inšorense ya dijalo, tshireletso ya letlotlo le mmaraka wa isago wa temothuo. Karolo e nngwe ya togamaano ya tsamaiso ya kotsi e e akaretsang ke tsela ya e sale gale ya go kgalema e e tsenyeletsang phitlhelelo e e lekaneng go ya le tiriso ya tshedimosetso ka nako, e e nepagetseng, e e maleba ka maemo a bosa. Fa seno ga jaana se sa dirwe mo go lekaneng, tshedimosetso e e jalo go tla dirwa jaanong gore e nne teng ka tshedimosetso ya ditikatiko tsa magae ka Tsela ya Tshedimosetso ya Thutalefatshe ya Temothuo. Mmuso o tla godisa tiriso e e bulegileng ya tsela e ya tshedimosetso ka batlamedi ba bangwe ba tshedimosetso.
Phunyego ya bolwetse jwa molomo le tlhakwana le mala a karnala e gateletse botlhokwa jwa go mekamekana mo go nonofileng le disenyi, malwetse a phologolo le semela. Taolelo e e sa lekanang le letlhomeso la go tlhoma (sk. Ditlamego tsa boditšhabatšhaba tse di oketsegang, maikarabelo a a aroganeng, bokgoni jwa kalafi ya diphologolo bo bo koafetseng le go se nne teng ga dithulaganyetso), mmogo le bokgoni jwa tlhatlhobo bo bo makgaokgao le go sa lekanang di tlogela lephata le le senotswe.
Tirego ya jaanong ya kagolešwa ya taolo ya dijalo le boleng le ditirelo tsa kalafi ya diphologolo ke kgato ya ntlha go lebelela bothata bo. Tirego e e tla tswelela e kopane le pholisi le thadiso ya semolao ya tsamaiso ya naga ya malwetse a dijalo le diphologolo. Mo tlaleletsong, porotokolo ya go dirana le tshoganyetso ya SPS le merero ya boitekanelo ya dijalo le diphologolo e a dirwa, jaaka go ntse ka tlhomo ya mokgatlho o o ikemetseng wa dijo o o babalesegileng ka bokgoni bo bo oketsegileng jwa taolo e e tokafetseng. Mo kakanyong ya go tsamaela kwa dtiragalong ya kgwebo e e gololosegileng mo kgaolong ya SADC, Aforika Borwa e tla etelela pele mo go godiseng tirisanommogo ya kgaolo mo mererong ya SPS (go agiwa ga bokgoni, go tlhola kutlwano ya maemo le ditsamaiso, jj.).
Kotsi ya tlhotlhwa go ya ka tlhaloso ke karolo ya mmaraka wa temothuo o o tlosang taolo mo kgwebong. Go dirana le kotsi ya tlhotlhwa ka go dirisa didirisiwa tsa tsamaiso tse di farologaneng tsa kotsi jaaka mmaraka wa isago o tla nna botlhokwa kwa balemiruing botlhe. Mmuso, ka tirisanommogo le lephata la poraefete, o tla kgakola katiso e e akaretsang le lenaneo la tsiboso magareng ga balemirui go rotloetsa tiriso ya didirisiwa tsa tsamaiso ya kotsi jaaka mmaraka wa isago wa temothuo. Mmaraka le kotsi ya tlhotlhwa le tsona di fokoditswe ka tshedimosetso ya mmaraka o o siameng o le mo nakong. Fano, Mmuso, ka bokgoni jwa dipalopalo tsa ona, o sa ntse o na le karolo ya botlhokwa go e tshameka, fa maiteko a mangwe jaaka tlholego ya gautshwane ya Tsela ya Matlhale a Kgwebotemothuo a tla rotloediwa le ona. Maiteko a a tla tlamela balemirui le dikgwebotemothuo ka matlhale a mmaraka a a tlhokegang go tsaya ditshwetso tsa kgwebo tse di nang le maikaego le go fokotsa mmaraka le kotsi ya tlhotlhwa.
Aforika Borwa ga jaana ga e na dikema tsa tshegetso tsa temothuo tse di ineetseng e bile ga go na dikago tsa setheo tse di dirang leruri tsa tsamaisao ya matlhotlhapelo. Go ikaegilwe ka se tlholego ya bokgoni jwa setheo go diragatsa tsamaiso ya matlhotlhapelo le go tlhoma dikema tse di akaretsang go mekamekana le matlhotlhapelo jaaka merwalela, melelo le dikomelelo mo lephateng la temothuo di mo tseleng. Dikema tse di ntseng jalo di ka tsenyeletsa dikema tsa lotseno lwa go lekanya le mananeo a inšorense ya kotsi a a tla rulaganngwang ka kgwebisano le magareng ga Mmuso, balemirui le difeme tsa inšorense tsa poraefete.
Kwa bofelong, maiteko a mmuso wa ga jaana go tsamaisa leroborobo la HIV/AIDS, go thibela botlhokatsebe, le go tlhomamisa ikonomi ya makero go tlhomama go tla okediwa go fokotsa mabaka a mangwe a kotsi kwa lephateng.
Go oketsa bogaisani go tshegeditswe ke tlhokego ya tsweletso ya kopano ya lephata mo ikonoming ya bogotlhe mme go bontshiwa ke bokgoni jwa teng jwa go rekisa dikumo tsa teng mo dimmarakeng tsa lefatshe. Seno se ka nna le seabe mo kgolong ya ikonomi e e kwa godimo ka go oketsa phitlhelelo ya mmaraka.
Dikgato tsa mmuso go tshegetsa ditšhono tsa kgwebo di botlhokwa fela di tla tlhoka go lebelela tshegetso e e feteletseng le tshireletso kwa temothuong ya lefatshe, dimmaraka le bodipolomate jwa kgwebo go lekalekanyetsa lepatlelo la boditšhabatšhaba la temothuo ya Aforika Borwa.
Temothuo ya Aforika Borwa e tshwanetse go lepalepana le tikologo e e tshwanololwang ke maemo a a golang a ditshutiso go ya temothuong, dikelotefo tse di kwa godimo tse di golang le tlhaelo ya ponalo ka dinaga tse di tswelelang. Dimmaraka mo dinageng tse di tshwanololwa gape ke dikgoreletsi tsa tlhoka dikelotefo mo ditebegong tse di farologaneng jaaka semela se se mafaratlhatlha, phologolo le dikgato tsa boitekanelo jwa motho. Ditsamaiso tsa selegae le ditaolo tsa molelwane ka gale ga di a lekana go mekamekana le go latlha, thomelontle e e seng ka fa molaong mmogo le tiragatso e e sa lekanang ya SPS le dikgato tsa tswalelo kwa matsibogong a botseno. Dikgato tsa selegae tsa SPS le maemo di rile mo nakong ya gautshwane e e fetileng tsa se ka tsa tshwara matsobane le kgolo ya diromelwateng le diromelwantle, fa ditlhokego tsa madirelo malebana le merero ya SPS ka gantsi e sa newa botlhokwa bo bo elediwang ke Mmuso kana di nna setlhabelo sa ditiego tsa nako tsa ditshenyegelo.
Setso se se tlwaeditsweng thomelontle se a tlhaela gotlhe le mo dikarolong tsa temothuo ya Aforika Borwa le ditlholego tsa dikhansele tsa thomelontle tsa temothuo ke maiteko a a batlang e le a jaannong. Tshegetso e e ineetseng kwa thomelong ntle ya temothuo e ntse e tlhaela fa e sale go tlosiwa ga sekema sa thotloetso ya thomelontle sa kakaretso ka 1997.
Sa botlhokwa, letlhakore la tlhagiso ya tlhokego (k.g.r. go tlosa dikgoreletsi tsa phitlhelelo ya mmaraka le kgaisano e e sa siamang) mmogo le letlhakore la tlhagiso ya phepo (k.g.r. kgodiso ya thomelontle) a a tlhokega go kotula ka botlalo ditshiamelo tsa ikonomi tsa kgwebo ya boditšhabatšhaba.
Thulaganyo e e botoka magareng ga bothati bo bo maleba mo DTI le DOA.
Botsayakarolo bo bo dirang mo go WTO go lebelela tshegetso e e feteletseng le e e sokameng le tshireletso ya temothuo ya lefatshe.
Maiteko a kgodiso ya kgwebo ka boitshupo jwa boAforika Borwa jo bo tiileng (k.g.r. Tsa Aforika Borwa ka Mabela), maina a letshwaokgwebo la boleng bo bo kwa godimo le tshegetso e e ineetseng ya mafaratlhatlha a madirelo a temothuo (sk. Kgodiso ya mmaraka wa thomelontle le ditshireletsego tsa kerediti).
Tshekatsheko ya ditshenyegelo tsa ditshiamelo tse di siameng tsa ditiro tsa kgwebo mo tiregong ya go bopega le/kana e konoseditswe.
Pholisi ya tshireletso ya kelotefo e e bonalang le e e lekanyang e e isang kwa lephateng la temothuo, le khutshwafatso ya ditirego tse di maleba tsa kelotefo.
Tirisanommogo ya kgabaganyo molelwane mo sk. SADC e e gabileng go bona bogolo jo bo masisi mo tiregong ya thomelontle, phatlhalatso le go bapatsa kana go fokotsa ditshenyegelo tsa yuniti ka dipeeletso tse di kopantsweng tse di amanang le patlisiso ya kgwebo e e totobetseng.
Ditaolo tsa molelwane tse di nonofileng go lwantsha dithomeloteng tse di seng ka fa molaong, ditiro tsa thomeloteng tsa bofora mmogo le tiragatso e e bokoa ya SPS le dikgato tsa tswalelo le melawana ya tlholego. Mo tebesisong ya merero e Mmuso o setse o le mo tiregong ya go tokafatsa tirelo ya tlhatlhobo ya teng, go oketsa badiri kwa melelwaneng le go thusa SARS mo go tsosoloseng ditlamelwana tsa botseno molelwane gape. Mo tlaleletsong Mmuso o tla fokotsa botseno molelwane mo go tseneng ga dithoto tsa temothuo go ya dipalong tse di laolegang le go tlhomamisa gore tsotlhe di golagantswe ka eleketeroneki le Kantoro Kgolo.
Mo kgatong e e pejana ya go tokafatsa ditšhono tsa kgwebo tsa boditšhabatšhaba tlhokomelo e tla tsepamisiwa mo go tokafatseng bokgoni le go tlhaloganya dikgato tsa phepafatso le phepafatso ya semela. Mo lebakeng le, Mmuso o tla kgakola khampheine ya botlhokwa e e amanang le kgwebo go tshwaragana ka matlhagatlhaga pele le go tlhoma dikamano le bothati jwa SPS mo dimmarakeng tsa thomelontle tse dikgolo le bokgoni le go tlhomamisa gore a dikgato di ikaegile ka saense, o dirile go utlwala mo maemong a boditšhabatšhaba le gore temogo e e kopanetsweng e a diragadiwa. Go ya pele, Mmuso o tla tshwaragana ka kopano le balekane ba SADC mo mekgatlhong ya go tlhoma maemo a boditšhabatšhaba ka pono ya go tlhola maemo a a laolegang fela e ikaegile mo motheong wa saense ya boditšhabatšhaba.
Mmuso o tla godisa tlwaelo ya thomelontle le go tsamaisa ditirego ka fa gare ga maphata a thomelontle a a maleba go oketsa bogaisani mo dimmarakeng tsa thomelontle ka Khansele ya Thomelontle le Ditlhopha tsa Kgato tse di Kopaneng.
Lenaneo go godisa ditšhono tsa kgwebo tsa baagi ba ba humanegileng ba magae (lenaneo la thomelontle le le eteletsweng pele ke phokotso ya lehuma).
Maikemisetso a togamaano e ke go oketsa bokgoni jwa balemirui go dirisa metswedi ka mokgwa wa leruri le go tlhomamisa tiriso e e botlhale le tsamaiso ya metswedi ya tlholego. Seno se tla tlhoka kakanyo ya nako e telele ka pono e e bonalang le boleng tse di tla kaelang tiriso ya jaanong ya metswedi go tlhomamisa kamogelo ya bona ya nako e telele. Togamaano e e tla nna le kamego mo tlhokomelong ya lefatshe, kabo gape ya lefatshe, tiriso ya lefatshe mo tikologong ya motsesetoropo, go kgaoganya lefatshe la temothuo le le nang le bokgoni bo bo kwa godimo, tshomarelo ya mafelo a lefatshe a a masisi, bomefutafuta jwa baoloji le mekgwa ya metsi, jj.
Pinagare kwa togamaanong e ke go somarela bomefutafuta jwa temothuo le go godisa tiriso e e tswelelang ya mmu le metsi ka koketsego ya tlhagiso ya dijalo le leruo mo mekgweng ya temothuo e e tsenetseng le go tswelela go feta. Botsayakarolo jwa molemirui ke ntlhakgolo kwa katlegong ya togamaano. Mo tlaleletsong ditlhagiso tse di matlhagatlhaga go golaganya tsamaiso ya motswedi wa tlholego go tshegetsa mananeo go ka tlamela maemo a phenyo matlhakoreng otlhe a a ka feleletsang mo ditshiamelong tsa ikonomi tsa nako e khutshwane tsa balemirui mme ka nako e le nngwe ba na le seabe kwa maikemisetsong a nako e telejana ya go somarela motheo wa motswedi wa tlholego.
Kwelotlase ya metswedi ya mmu le metsi e tlhagisa letshogo le le masisi kwa nageng. Ditogamaano di tlhoka go rulaganngwa go fenya dibaka kwelotlase. Dikago tsa tshegetso tse di tiileng tsa setheo le phetogo ya koketso kwa ditirong tsa temothuo tse di leng teng di tla tlhoka go tokafatsa tiriso ya mmu le metsi. Go tlhagisa mekgwa ya bolemirui e e maatla e e oketsegileng ka ditsela tsa thefosano tse di rulagantsweng sentle di ka dira kabo e kgolo mo lebakeng le.
Mananeo a mmu, metsi le tshomarelo a tla lebisiwa mo mafelong koo go nang le sebaka se se utlwalang sa katlego; koo kgatelelo ya setšhaba e leng kwa godimo, tšhono ya ditshenyegelo tsa bodiri di leng kwa tlase, tshireletso ya lefatshe e le kwa godimo, dithekenoloji tse di ungwang di leng teng le koo go nang le phitlhelelo kwa dimmarakeng, dikakgelo le ditirelo. Ka mokgwa oo tiragatso e e atlegileng ya ditirelo tsa tshegetso ya temothuo e ka dira seabe se se nang le bokao kwa tirisong e e tswelelang le tsamaiso ya metswedi ya tlholego.
Tsweletso ya ditogamaano tsa semela se se ungwang tse di tshegetsang le go oketsa bomefutafuta jwa dipharologantsho tsa tsalo.
Mo tshomarelong ya situ ya ditshedi tsa temothuo tse di nyelediwang le dipharologano mo mekgweng ya temothuo e e dumalanang le ikonomi.
Peeletso mo dithulaganyetsong le ditirelo go tshegetsa tiriso ya lefatshe e e tswelelang.
Tsweletso ya togamaano ya thekenoloji ya ditshedi go direla bomosola bo bo gaisang jwa nako e telele jwa Aforika Borwa le batho ba teng.
Go rotloetsa tlhagiso ya temo ya ditshingwana ka mabaka a boitekanelo le lotseno.
Go baya tlhagiso le tsweletso mo teng ga letlhakore la tsela ya bolemirui. Seno se tshegetsa mo tikologong ditsela tsa tlhagiso tse di botsalano, go tsenyelediwa tlhagiso e e lomaganeng, tsamaiso ya dijalo tse di lomaganeng le temothuo ya go bodisa.
Mananeo a a tsepameng le ditiro di tla lekanngwa ka tebo ya bogotlhe le ditheo tsa tsamaiso e e tswelelang ya metswedi ya tlholego.
Dielemente tse di faroganeng tsa ditogamaano tsa botlhokwa (k.g.r. tekano kgaisano le ditogamaano tsa tiriso ya metswedi tse di tswelelang) di a putla le go kgabaganya mme di tla nna le seabe mo go tlholeng le go busetseng go itshepa mo temothuong. Mmuso o tsaya go itshepa go le botlhokwa mo kgolong ya isago ya lephata.
Taolo e e Siameng.
Tsweletso ya Magae e e Tswelelang e e Kopaneng.
Kitso le phetogo.
Tirisanommogo ya Boditšhabatšhaba.
Pabalesego le Tshireletso.
Ditogamaano tse di botlhokwa gonne di tlamela motheo wa botlhokwa o kwa ntle ga ona maikaelelo a togamaano a kgaisano, a a tsenyeletsang le temothuo e e tswelelang di ka se fitlhelelweng. Ditogamaano tse di tla newa maemo a pele mme jaanong di tlhalosiwa go ya pele ka botlalo.
Theo ya taolo e e siameng ke kgolagano ya bogotlhe e e ralalang leano la togamaano lotlhe. Ga e dire fela mo Mmusong mme kwa bannaleseabeng botlhe ba bangwe mo lephateng. Mo Mmusong letlhomeso la taolo e e siameng go aga lephata la temothuo la setšhaba le le bonalang le le tshwaraganeng, le le tlwaetsweng ke badirisi le tla nna la ntlha kwa godimo go tlhomamisa motheo o o utlwalang wa go fitlhelela maikaelelo a togamaano.
Karolo e kgolo ya togamaano ya taolo e e siameng e tla nna kgwebisano mo lebakeng la ntlha Mmuso o tla tsweletsa letlhomeso la dikgwebisano magareng ga setšhaba le lephata la poraefete le Mekgatlho e e seng ya Mmuso go diragatsa kwa dielementeng tse di botlhokwa tsa togamaano ya lephata, e bong tekano, bogaisani le tsweletso.
Diporotokolo tsa taolo ya tirisanommogo magareng ga le ka fa teng ga didiko tsa mafapha a mmuso.
Boemo jwa kgoroso tirelo go ya ka pholisi ya kgoroso ya tirelo ya Mmuso wa Batho Pele.
Kgwebisano magareng ga Mmuso le ditlhopha tsa phatlho le mekgatlho ya balemirui.
Kgaolo mo Leanong la Tsweletso e e Golaganeng go kaela Mebuso ya Selegae mo dintlheng tsa togamaano tse di amanang le temothuo.
Ditumalano tsa motsholadišere magareng ga Mmuso le dikarolwana tsa setšhaba jaaka Khansele ya Bosetšhaba ya Temothuo e e Bapatsang, Khansele ya Temothuo ya Patlisiso, le Banka ya Lefatshe.
Ditumalano tsa kgoroso ya tirelo magareng ga mebuso ya porofense le dikarolwana tsa bosetšhaba tsa batho.
Mananeo a bosetšhaba a mmuso a kago ya bokgoni go tshegetsa dikarolwana tsa setšhaba, porofense le mebuso ya selegae.
Boleng le nonofo ya ditirelo tse di dirilweng ke Mmuso di tla nna botlhokwa mo go fitlheleleng maikemisetso a lephata la temothuo le le nang le kemedi go feta. Ditirelo tsa mmuso tse di rileng le dipholisi le tsona di botlhokwa mo go tokafatseng bogaisani mo lephateng. Dikao ke letlhomeso le le utlwalang le le dirang go laola le taolelo e e dirang ka kakaretso. Ka lebaka le porotokolo ya tsamaiso ya tirelo e ntšha e tla kwalwa gore go okediwe bomasisi le maikarabelo a setšhaba sotlhe le tirelo ya poraefete e e tlamelelwang kwa balemiruing le ditlhokego tsa kgwebotemothuo. Boleng jwa go ntshetsa ditirelo kwa ntle bo tla lebelelwa. Koketsego mo nonofong le go obegeng e tla bonwa ka go tlosa mo bogareng, go tsenya mo konterakeng le go amogana ditshenyegelo tsa ditirelo.
Go tlhopha karolwana ya selegae go amogela maikarabelo a a seng mo bogareng.
Go tlhoma theo ya semolao le ya konteraka ya tholelo ya maikarabelo le kelelo ya matlotlo.
Go rulaganya melawana "ya motshameko" ya setheo.
Go siamisa ditumalano tsa boemo tsa dikarolwana tse di konterakilweng.
Go tlhoma dikaelo tsa borutegi.
Go tlhoma konteraka ya boemo le ditsamaiso tsa tshenkelo.
Go tlhoma theo ya gore motsayakarolo ka go rata mo tiregong.
Go tlhoma ditlamorago tsa go se nne le seabe.
Maikaelelo a mangwe a togamaano ya taolelo e e siameng ke go baya Mmuso jaaka mogwebisani yo o tshepegang, yo o tsepameng le dipolase le mananeo a ka akanyediwang pele tse di ka tlhomamisang kgoroso le ditshiamelo tse di rategang tsa temothuo.
Go rulaganya gape gore Tona/Tonakgolo a tsene mo Khanseleng ya Ditona tsa Temothuo go kaela tsamaiso ya ditiro tsa mmuso mo go fitlheleleng maikemisetso a lephata la temothuo mo nageng.
Go rulaganya gape Komiti ya Kgabaganyo mo mmusong mo Temothuong jaaka Komiti ya Tsamaiso ya Temothuo.
Maikaelelo a bofelo a togamaano ya taolelo e e siameng ke go aga tlhagiso e e tshwaraganeng le e e rulagantsweng sentle go lemoga, go tsamaisa le go amogana kitso ya temothuo le dithoto tsa tshedimosetso tsa lephata la setšhaba. Dintlha tse dikgolo di tla tsenya tsweletso ya kaelo, Letlhomeso la setheo le ditirego tsa tsamaiso ya kitso mo temothuong.
Diporotokolo tsa taolelo ya tirisanommogo ya kgabaganyo mmuso di tla, magareng ga tse dingwe, di tlhagise letlhomeso la semolao la dikamano tsa kgabaganyo mmuso mo temothuong; go tlhalosa diabe le maikarabelo magareng ga mafapha a bosetšhaba le a porofense a temothuo le mmuso wa selegae. Go tlhoma letlhomeso go kaela le go tsamaisa kago, go lekanya, tiragatso, go tlhokomela le go sekaseka dipholisi le mananeo; go tlhoma letlhomeso la thulaganyo e e tshwaraganeng ya thulaganyo ya kabo tekanyetso le ditshenyegelo; go tlhagisa mokgwa wa tsamaiso ya tshedimosetso; go tlhagisa letlhomeso le ditlwaelo le boemo tsa maano a tsweletso ya motswedi wa motho le tiragatso; le go tsamaisa go aga bokgoni jwa setheo tsa diPDA le mebuso ya selegae.
Porotokolo ya kgwebisano ya baagi-setšhaba-poraefete, ka fa letlhakoreng le lengwe, e tla lebelela mo go tlhomamiseng gore mogwebisani wa loago mongwe le mongwe yo o amegang mo tiregong e o rotloediwa go aba sengwe. Porotokolo e tla tlhomamisa gape gore bagwebisani ba loago ba rotloediwa go tshameka karolo ya kwa pele mo mafelong a a batlang fa go bapisiwa e ba rata. Go fitlha fa, Mmuso o tla akaretsa ka kakaretso mafelo a dithoto tsa setšhaba le ditirelo jaaka pholisi, peomolao, melawana, dithulaganyetso tsa setšhaba le ditirelo. Mo karolong ya teng, madirelo le balemirui ba tla solofelwa go nna le seabe kwa tsweletsong le tsamaisong e e nonofileng ya dikgwebo tsa bona le mekgatlho ya kemedi le go tlhagisa dikgatlhego tsa bona kwa Mmusong. Dikgwebokgolo di solofelwa gape magareng ga Mmuso, madirelo le balemirui foo go seng ope yo o ka tsayang kgwebo a le esi. Mangwe a mafelo a a amegang a tsenyeletsa tsweletso ya motswedi wa motho, tlamelo ya ditirelo tsa katoloso, thulaganyo le tsweletso ya mekgatlho ya molemirui le patlisiso le phetiso ya thekenoloji.
Kwa bofelong, Mmuso o mo tiregong ya go tlhoma letlhomeso la boemo jwa tsamaiso ya tirelo, le le tla itsesiweng kwa bagwebisaning ba loago le setšhaba ka kakaretso. Go ya ka pholisi ya Batho Pele mo tsamaisong ya tirelo, maikaelelo a boemo jwa tsamaiso ya tirelo ke go kgontsha bagwebisani ba loago le setšhaba go tlamelela Mmuso go ikarabelela ditirelo tse o itlamileng go di tlamela le kwa maemong a boemo jwa boleng bo bo solofeditsweng.
Maikemisetso a togamaano ya Togamaano ya Tsweletso ya Magae e e Tshwaraganeng le ya Leruri (ISRDS) ke go fetola Aforika Borwa ya magae go nna lephata le le ikemetseng mo ikonoming, le ikemetse mo loagong le le utlwanang le le nang le seabe sa botlhokwa kwa GDP ya setšhaba. ISRDS ka jalo e tla nna mosola mo temothuong le lephata la magae lotlhe.
Tsweletso ya ikonomi ya loago ka tlhokomelo e e rileng e e beilweng mo ditoropong tsa magae, ditikatiko tsa tirelo le metse.
Go tiisetsa phorofaele le seabe sa temothuo le madirelo a a amaneng mo tiregong ya Thulaganyo ya Tsweletso e e Tshwaraganeng segolo ya bothati jwa mafelo a selegae.
Tlhokomelo e e kgethegileng e e newang kgodiso ya lotseno lwa dikokomane le ditiro tsa matlhagatlhaga tsa basadi, bašwa le ba bogole ba segolo ba gabileng go fitlhelela ditlhokego tsa malapa a a humanegileng le ditlhokego tsa mmaraka wa selegae.
Bogare jwa tsweletso ya magae..
Thulaganyo ya bonno jwa magae go naya manno dipaterone tsa bonno tse di ntšha tse di dikologang fa e sale tloso ya melao ya bonno jwa kgethololo le go tlhaba ga taolelo ya morago ga temokerasi ya 1994.
Mmuso o o tiileng o tshegetsa le ka go ineela go diragatsa ka katlego Togamaano ya Tsweletso ya Magae e e Tswelelang e e Tshwaraganeng (ISRDS) e e botlhokwa kwa katlegong ya leano la lephata le. Togamaano e tla sola bahumanegi ba magae ka kakaretso, fela maiteko a a rileng a tla dirwa go lebelela basadi, bašwa le ba bogole. Lephata la temothuo le le atlegileng le tla bopa katoloso ya botlhokwa ya tsweletso ya magae a a tswelelang e e tshwaraganeng le semenogane.
Ikonomi ya lefatshe e tsweletse go fetolwa ka bonako go ya mo kitsong le mafaratlhatlheng a ikonomi. Mo lefatsheng le, boitlhamedi le kitso tsa maemo a a kwa godimo di botlhokwa thata tebang le tlhabololo e e botlhokwa mo bogaisaning jwa leruri le go bona dipoelo. Ke ka mabaka a gore bagwebisani ba togamaano ba baya saense le thekenoloji jaaka togamaano ya botlhokwa e e tlaleletsang. Maikaelelo magolo a togamaano e ke go oketsa bokgoni jwa ponelopele le phetogo ya batsayakarolo le go golaganya tse le lefelo la papatso la isago.
Seno se tshwanetse go isa kwa peeletsong e e oketsegileng le tiriso ya dikumo tse di tsweletseng pele thata tsa ga jaana go tswa patlisisong, katisong le mekgweng ya katoloso. Ka go diragatsa togamaano e lephata le leka go dirisa patlisiso e kgolwane le mananeo a thuto a a maleba go godisa dithekenoloji tsa botlhokwa tsa togamaano, (thekenoloji ya ditshedi, tshedimosetso, tlhaeletsano) le tlhatlhamano ya dithekenoloji tse di tlaleletsang boleng go tlhagisa boleng jwa isago. Sa bofelo se tla oketsa bogaisani bo bo tswelelang jwa dikumo tsa Aforika Borwa mo lefatsheng la dipapatso le go thusa go fitlhelela ditlhokego tsa pabalesego tse di tlhoko ya dijo e e gatisediwang ke dinaga tsa Bokone.
Kgato e e rileng e e tla diragadiwang ke ya go tsholetsa peeletso mo patlisisong ya temothuo, thuto le katoloso go tswa maemong a a kwa tlase a ga jaana a 1,04% a kabo ya temothuo go ya go Kumo ya Bosetšhaba Ya Bogotlhe go fitlhelela selekanyetsi sa boditšhabatšhaba ya 3% sa temothuo ya GNP, e e bapisiwang go 3,7% mo USA; 4% mo Australia, le 2,1% mo EU, gore go fitlhelelwe kgwetlho go ya lephateng le le beilweng ke Mmuso le ditsweletso tsa bogotlhe ka kakaretso.
Godiseng tirisanommogo magareng ga ARC, Yunibesithi ya Magorothuto a Temothuo, Mafapha a Porofense a Temothuo, kgwebotemothuo le ditheo tsa patlisiso ya temothuo tse dingwe go lebelela gape ditogamaano tse di kwa pele, phetogo le patlisiso e e tlwaetshegang.
Tlhomeng Mokgwa wa Bosetšhaba wa Patlisiso ya Temothuo go tshwaraganya, go rulaganya le go golaganya patlisiso ya temothuo le madirelo le mekgatlho ya boditšhabatšhaba ya patlisiso ya temothuo le ditirelo tsa katoloso.
Go sekaseka gape theo ya kabelo matlotlo go godisa dikgwebisano magareng ga ditheo tsa patlisiso ya temothuo, diyunibesithi le lephata la poraefete.
Mo dingwageng mokgwa wa Aforika Borwa wa patlisiso ya temothuo o tlhagisitse dipoelo tse di kgatlhisang go sa kgathalelwe tebelelo letlhakoreng la tshekamelo ya balemirui ba sekale segolo, mme go na le ka jalo ngangisano e e tsamaelanang le tshegetso go ya pele ya "mofenyi yo o itsegeng". Kwelotlase mo pakeng ya dingwaga tse di lesome mo peeletsong gotlhe mo patlisisong ya temothuo le tsweletso ya thekenoloji ga e fitlhelele kgwetlho e e tlhagisiwang ke Moporesidente wa tsweletso ya thekenoloji le go baya mo bogareng ga lephata jaaka moeteledipele mo ikonoming ya magae. Mmuso o tla oketsa kabo matlotlo a patlisiso ya temothuo go godisa tokafatso e e tswelelang mo bogaisaning le boeteledipele mo tshedimosetsong, tlhaeletsanong le thekenolojing ya ditshedi e e botlhokwa mo isagong ya temothuo ya Aforika Borwa.
Ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa go bona thekenoloji di ka fenngwa ka kopano ya dikgwebokgolo le R&D le madirelo a thekenoloji.
Go tlhomamisa gore maiteko a patlisiso ya temothuo ya ARC, Yunibesithi ya Magorothuto a Temothuto, diPDA le ditheo tsa temothuo tse dingwe di rulaganngwa le go lebelela ditogamaano tsa kwa pele tse di kobileng bogaisani bo bo tswelelang. Tirego ya ga jaana ya go tlhoma Mokgwa wa Bosetšhaba wa Patlisiso ya Temothuo o tla nna le se jaaka nngwe ya maikemisetso a teng.
Go tlhomamisa gore ikonomi, loago le ditlamorago tsa tikologo di a lebelelwa mo tsweletsong ya dithekenoloji tse di ntšha.
Go fatlhosa tbelelo gape ya ditheo ka fa gare ga baagi ba patlisiso ya temothuo fa go leng maleba.
Go isa ditheo tsa patlisiso ya temothuo kwa phitlhelelong ya metswedi ya ditšhelete.
Go tlamela tshegetso ya dikamano tsa konteraka magareng ga ditheo tsa patlisiso ya temothuo le kemedi ya mekgatlho ya madirelo, le dikarolwana tsa patlisiso ya temothuo tsa kgaolo le boditšhabatšhaba.
Bogotlhe jwa lefatshe bo tlile le phetogo gotlhelele go ya ka go nna teng go go letileng ga tshedimosetso le thekenoloji, motsamao o o oketsegileng wa dithoto, ditirelo le batho go kgabaganya melelwane, khumo e e oketsegileng mme gape ka madimabe phatlha e e tsweletseng go gola magareng ga bahumi le bahumanegi.
Go itsege ga Aforika Borwa jaaka mmotlolo wa temokerasi go okeditse ka bogolo ditlhokego mo go yona tsa botsayakarolo jwa boditšhabatšhaba mo diforamo tse di farologaneng. Ditlhokego tse di gobaditse bokgoni jwa yona go dirisa ditšhono mo go utlwalang thata le go fitlhelela dikgwetlho tsa go nna motshameki wa lefatshe mo dipatlelong tsa boditšhabatšhaba di le dintsi. Kelo e e bonako ya phetogo mo taolelong ya temothuo, patlisiso, kgwebo le tikologo le matshwenyego a pabalesego ya dijo tsa selegae le kontinenete di gapeletsa mabaka a Aforika Borwa go sala e itlhomile kwa pele mo ditsweletsong tse di amang temothuo. Dikgatlhego tsa rona mo tirisanommogong ya boditšhabatšhaba di tlhomamisiwa ke ditlamego tsa sepolotiki, kgwebo, thekenikale le katiso tse di botlhokwa mo go tshegetseng Leano la Togamaano la lephata la temothuo.
Aforika Borwa e tsere karolo ya boeteledipele mo go tshegetseng maiteko a a tsamaelanang le tsweletso mo kgaolong le Aforika ka kakaretso. Dikao tsa botlhokwa ke Porotokolo ya Kgwebo ya SADC, Maiteko a Mašwa a Aforika le maemo a botlhokwa le selekane mo ditheong tsa ditlhopha di le mmalwa tse di isang kwa bokaong jwa tsweletso bo bo siameng jwa temothuo mo Aforika. Mmuso o lemogile tirisanommogo ya boditšhabatšhaba le tsweletso e e botsalano ya dipoelo tsa ditumalano tsa boditšhabatšhaba jaaka tse di tlang pele mo nakong ya magareng, mme e rulaganya gape gore e fitlhelele dikgwetlho ka maatla thata tse di tlhagisiwang ke ditlhokego tse di oketsegileng tsa dikemedi tsa boditšhabatšhaba mo USA, Yuropa le Botlhaba jo bo Kgakala.
Ditlhokego tsa thuso ya thekenikale tsa go godisa mo gae mo letlhakoreng la temothuo di tloga go tswa Maitekong a Aforika yo Moša, maiteko a SADC le go tswa dikopanong tsa matlhakore mabedi le dinaga tsa Aforika. Mmuso, ka tirisanommogo le bannaleseabe ba ba farologaneng, o tla etelela pele mo go tsweletseng letlhomeso la thuso ya bothekenikale le le lebeletseng kwa go tlhomeng lenaneo le le itlhomileng pele go tshegetsa kago ya bokgoni le tsweletso mo kgaolong le mo kontinenteng ya Aforika. Go fitlha fa, Mmuso o tla lebelela go dirisana mmogo le bagwebisani ba e seng ba Aforika.
Mo Aforika Borwa, Mmuso o tla akaretsa batshegetsi ba moseja go rulaganya lenaneo la peeletso go tshegetsa tsweletso ya temothuo go ya ka leano la togamaano. Fa patlisiso ya boditšhabatšhaba e isitse kwa dikumong tse di ša, go nna teng go gontsi ga tshedimosetso go tsositse matshwenyego a setšhaba se se tlhabologileng ka pabalesego ya dijo, ditiro tsa bodiri tse di siameng, jj. Go oketsa matshwenyego a modirisi ka pabalesego ya dijo mo dimmarakeng tsa boditšhaba tse di botlhokwa go baya dithomelo ntle tsa rona mo kotsing mme go tlhoka dikarabo tse di sedimositsweng le tse di itlhomileng pele le ditsereganyo go tswa Mmusong. Tlhotlheletso e e tswelelang le mekgatlho ya boditšhabatšhaba e e tlhomang boemo, sk. FAO Codex Almentarius, Tumalano ya boditšhabatšhaba ya Tshireletso ya Semela, Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Boitekanelo jwa Diphologolo (OIE) le ditumalano le metsamao e e ka amang temothuo jaaka e e amang tikologo, dithekenoloji tse di ša le thoto ya botlhale ke ditlamego kgolo tsa togamaano go Aforika Borwa mo ngwagakgolong e ntšha. Mmuso o itlamile go oketsa kamego ya ona le go tiisa bokgoni le metswedi go tlhotlheletsana le ditheo tse mo mokgweng o o rulaganeng mo dingwageng tse di latelang tse tharo.
Bosenyi jwa magaeng bo nnile dipalopalo tse di tshosang. Seno se tshosetsa tlhomamo ya magae, e kwa bofelong e tla thibelang peeletso mme kwa bofelong kgolo ya ikonomi mo mafelong a magae. Togamaano e e kopana e e boineelo e a tlhokega go lwantsha kelo e e kwa godimo ya ntwa, bosenyi, pelaelo ya loago le kgagamalo tse di fekeetsang mafelo a magae mo baaging ba ba amegileng.
Kagego ya Foramo ya Bosetšhaba ya Kagiso le Tshireletsego go gogiwa maloko go tswa bannaleseabeng ba botlhokwa botlhe ba magae - go tlaleletsa maiteko a a leng teng go lwantsha ntwa ya magae, bosenyi, pelaelo ya loago le kgagamalo tse di fekeetsang mafelo a magae le go godisa maemo a a dirang a a siameng, dikamano tsa boagisani tse di siameng le boineelo bo bogolo ka fa gare ga baagi ba ba farologaneng.
Go dira mokgwa wa bosiamisi jwa bosenyi le tshegetso ya dikagego tsa mokgwa wa botlhokwa gore di bonwe le go itemogelwa jaaka legora kwa bosenying.
Bodiri jwa SAPS le SANDF mmogo le masole a nakwana le mapodisa a a katisitsweng mo go lekaneng a na le maitemogelo le badiri ba sesole sa tshireletso go oketsa bokgoni jwa sesole se go lwantsha ditiro tsa bosenyi mo nageng, segolo mo mafelong a magae.
Batho ba ba rileng le diresefe tsa ditšhelete go abelwa SAPS le SANDF go kgontsha sesole sa tshireletso go diragatsa taolelo ya bona go ya ka thibelo ya bosenyi le tiragatso ya leano la pabalesego ya magae. Matlole a a tla bewa ka botlhokwa mme a abiwa go dirisiwa mo botlhabanelong le ditiro go lwantsha ditlhaselo tsa dipolase le bosenyi jwa magaeng.
Botlhokwa jwa togamaano ya Komiti ya Bosetšhaba ya Go rulaganya tsa Botlhabanelo (NOCOC) Komiti ya go tla Pele, jaaka kagego e e rulaganyang batsayakarolo botlhe mo leanong la tshireletso ya magae, e tla maatlafadiwa ka metswedi e e tlhokegang ya batho le ditshelete go e kgontsha go diragatsa leano la tshireletso ya magae le go rulaganya ditiro magareng ga batsayakarolo le Mmuso.
Ponelopele ya lephata la temothuo le le kopaneng la tswelelopele e tlhoka bagwebisani go nna le maano a dikgato, ditshupetso tsa tiragatso tsa botlhokwa, boemo jwa kgoroso ya tirelo, mekgwa ya go tlhokomela le go sekaseka le dikgala tsa dinako gore go fitlhelelwe leano la togamaano le le tshwaraganeng. E tlhoka gape Mmuso go dira dilo ka tsela e e farologaneng - ka lebelo le le kwa godimo thata le bonako mmogo le bogwebisani le balemirui, kgwebotemothuo, Mekgatlho e e Seng ya Mmuso le mafapha a mangwe a mmuso.
Thulaganyo e e siameng magareng ga dikarolwana tse di farologaneng tse di amegang mo tiragatsong, go tsenyelediwa ka fa gare le magareng ga setšhaba, poraefete le maphata a boikgethelo.
Tebiso kwa maikemisetsong magareng ga dikarolwana tsotlhe tse, go tlhomamisa gore botlhe ba lebile go fitlhelela ditshiamelo tsa botlhe, go na le fela ya dikgatlhego tsa dikarolo.
Kago ya bokgoni kwa maemong otlhe le mo ditekanyong tse dintsi, go tloga go ralala mefutafuta go tloga kitsong e e kwa pele ya saense go ya botsayakarolong bo bogolo mo tiragatsong ya porojeke kwa tlase kwa bathong.
Go rulaganya go go utlwalang ga tiragatso ya tirego go tlhomamisa gore diporojeke di a simololwa le go fediwa ka nako e e siameng, le go lebelela tirisanommogo magareng ga dikarolwana tse di farologaneng le diporojeke.
Tatelano e e siameng ya dikgato tsa tiragatso ka dikgato tsa tshegetso tse di tlhokegang (kago ya bokgoni, kago ya setheo, thulaganyo, jj).
Go tlhokomela tswelelopele go tlhomamisa tsamaiso e e siameng ya tirego ya tiragatso. Seno se tlhoka tlhokomelo e e kgethegileng kwa tlamelong ya tshedimosetso le kwa mekgweng ya tsamaiso ya tshedimosetso mmogo le go tlhoma mokgwa wa go tlhokomela le go sekaseka.
Leano la kgato ga le ka ke la tlhalosiwa kwa ntle ga botsayakarolo bo bo tletseng jwa bao ba ba neilweng maikarabelo a tiragatso ya teng. Togamaano e dira tlamelo ya porotokolo e e tshisintsweng ya bagwebisani ba baagi-setšhaba-poraefete mme e ikopela tiragatso e e kopanetsweng. Go fitlha fa, komiti ya leruri e e kopaneng e tla tlhomiwa magareng ga bannaleseabe ba ba amegang mo maitekong a a thulaganyo ya togamaano, e bong Lefapha la Temothuo, Agri SA le NAFU.
Tlhalosa ka botlalo maiteko otlhe a togamaano a a lemogilweng. Tseno di tla tsenyeletsa dikgato tsa tiro tse di totobetseng tse di akanngwang, temogo ya bao ba ikarabelelang tiragatso ya tsona, temogo ya dikarolwana tse dingwe tse di tlhokang go nna di amegile mo temogong ya metswedi e mengwe (ditšhelete le tse dingwe) le tlhaloso ya lenanetiro la tiragatso.
Tlhola kagego ya tsamaiso ka tiro ya go tshegetsa dikarolwana tse di rwesitsweng maikarabelo a tiragatso ya nngwe le nngwe ya mananeo a, karolwana e le mo setšhabeng, poraefeteng kana lephata la boikgethelo. Tshegetso e e tla nna ya boleng bo bo ka se tshwenyaneng le ditshiamelo tsa setheo se se ikarabelelang.
Go tlhola letlhomeso la go begela le le theetsweng mo leanong la go tlhokomela le go sekaseka mananeo le diporojeke tse di dirang togamaano. Komiti ya leruri e e kopaneng e tshwanetse go begela dipoelo tsa dikgato tse kwa bannaleseabeng bagolo mo theong e e tlhomameng.
Tiragatso ya togamaano ya pabalasego le tshireletso go tlisa tlhomamo le go itshepa.
Taolelo e e tokafetseng le tiragatso ya dikgwebisano le lenaneo la bagakolodi.
Go itlhaganedisa lenaneo la kabo gape ya lefatshe ka lebaka la tsweletso ya temothuo (LRAD).
Go fetola mokgwa wa tsweletso ya temothuo ya thekenoloji le phetiso go ya mo go arabeleng papatso go feta.
Go tsweletsa le go diragatsa mokgwa wa tsamaiso e e kotsi o o nonofileng (mokgwa wa boitekanelo wa semela le phologolo, matlhotlhapelo a tlholego, ditshireletsego tsa kherediti).
Go tlhomamisa kgaisano e e siameng mo selegaeng le boditšhabatšhabeng.
Tiragatso ya pono e e amoganwang mo bodiring le phetogo ya lefatshe.
Tirego ya maatlafatso mo maphateng otlhe a lephata la dijo tsa temothuo. Mo tiregong e mananeo a bagakolodi a masisi mme a tla tlhomiwa ka bonako ka tshegetso e e tletseng ya mmuso.
Peeletso e e leng ntlhatebo go oketsa bogaisani (dithulaganyetso : metsi, motlakase, megala tlhaeletsano, seporo, lefaufau, tsela ditirelo tsa ditšhelete, katiso, tsa metšhine).
Go isa tlase ditshenyegelo tsa gotlhe tsa tlhagiso, go tsenyelediwa phokotso go ya pele mo makgethong le dituedisong mo diseeleng (mafura) le dilo tse dingwe.
Komiti ya leruri e e kopaneng e tla ikarabelela kwa maemong a bosetšhaba mo go tlhokomeleng tswelelopele mme e tla okamela lenaneo la tiragatso. Ditlhopha tse di dirang kana ditlhopha tsa tiro di tla nna ketapele mo tiregong ya tiragatso mo diporofenseng mme di tla bega kwa komiting ya leruri e e kopaneng. Bagwebisani ba togamaano ba tshwanetse go tlhomamisa ka fao metswedi (batho le ditšhelete) go tswa mogwebisaning mongwe le mongwe a ineetseng le go tsamaisiwa mo tiregong ya go diragatsa mananeo a a farologaneng le ditogamaano.
Kgato ya ntlha le ya botlhokwa thata ke go tlhaeletsa togamaano e ka bophara jaaka go kgonega. Kakanyo ke gore tokomane e, e tshwanetse go buisiwa ka bophara le gore tshedimosetso mo lenaneong la tiragatso e tshwanetse go amoganwa ka gale le batsayakarolo botlhe. Tirego ya go tsamaisa togamaano ya lephata ka jalo e simolotse.
<fn>tsn_Article_National Language Services_TSAMAISO YA BOKOA JWA KHUTSAFALO YA TOBEKANO.txt</fn>
Rotlhe re itemogela khutsafalo ka dinako dingwe mo matshelong a rona. Khutsafalo e e feteletseng ka nako e telele e ka nna kotsi mo boitekanelong jwa mmele jwa gago, mo tolamong ya gago ya maikutlo le mo mererong ya gago ya botsalano.
Makoa a a tlwaelegileng a a itemogelwang ke badiri ba SAPS ke bokoa jwa khutsafalo ya tobekano mo moweng morago ga tiragalo e e maswe (PTSD) le tobekano ya maikutlo e gantsi e golaganngwang le PTSD.
PTSD ke mofuta o o masisi wa tlhobaelo e gantsi e itemogelwang morago ga gore motho a amege mo kotsing e e masisi, sekao, a le fa tirong.
Tobekano ya maikutlo ke tsibogo ya maikutlo malebana le dihutsafatsi tsa botshelo tse di farologaneng.
PTSD ke bolwetse jo bo alafegang. Go ya ka dipalopalo, diperesente di le 90 tsa batho ba ba alafelwang PTSD ba tokafala sentle. Ba bangwe ba kgona go boela kwa ditirong, mme ba fitlha ba dira sentle kwa ditirong.
go dirisa dithekeniki tsa go itapolosa, go nna le seabe mo ditirong tsa boitapoloso le go tlhola botsalano jo bo siameng jo bo kgotlelelang.
Go kopa thuso fa khutsafalo e simolola. Ga se sesupo sa bokoa go kopa thuso fa o ikutla o retelelwa ke go kgotlelela maemo.
badirimmogo balelapa le ditsala, molaodi wa gago, le bagakolodi ba porofešenale ba SAPS ba ba thusang mekgatlho e e thusang badiri go ya ka Lenaane la Thuso la Badiri (EAP).
Kopa kgakololo mo malaoding wa gago mabapi le ka mo o ka rarabololang maemo a gago ka teng.
Dira tumalano le ngaka ya gago e e tshwanetseng go go romela sekao, kwa ngakeng ya bolwetse jwa tlhaloganyo (go alafiwa) le kwa go mosaekholoji (go alafiwa bolwetse jwa tlhaloganyo ka mekgwa ya saekholoji).
Kopa thusa mo Ditirelong tsa Thuso tsa Badiri tsa SAPS (EAS) fa o akanya go dirisa go alafiwa bolwetse jwa tlhaloganyo ka mekgwa ya saekholoji. Ga se fela gore se ke tlhopho e e somarelang ditshenyegelo, gape bagakolodi ba EAS ba tlwaetse mekgwa ya dikotsi tse di masisi tse maphodisa ka gale a lebaganeng le tsona fa a le fa tirong.
Morago ga go alafelwa PTSD kgotsa bokoa jo bongwe jwa bolwetse jwa tlhaloganyo, go na le kgonagalo ya gore go ka atlanegisiwa gore o sutisediwe kwa maemong a tiro a a senang khutsafalo e ntsi. Tshwetso e e mabapi le tshutiso ya gago e tshwanetse go diriwa ka dipuisano magareng ga gago, Botsamaisi le baitseanape ba boiphediso ba SAPS. Botsamaisi bo tshwanetse go go tshegetsa ka motsi o wa tolamiso.
Go diragala eng fa kalafo e sa lere tokafalo mo maemong a gago?
Fa kalafo ya paka e e amogelesegang e sa lere go tokafala, go ka akanngwa ka tholotiro ka ntlha ya bokoa jwa boitekanelo. Ntlha e, e ka sekasekiwa morago ga gore Molaodi wa Kotsi ya Boitekanelo a dire tlhotlhomiso ka botlalo. Tshekatsheko ya ngaka ya bolwetse jwa tlhaloganyo e e ikemetseng e nna le seabe mo tlhotlhomisong ya Molaodi wa Kotsi ya Boitekanelo.
Botsamaisi jwa makoa a bolwetse jwa tlhaloganyo bo lebelela kalafo le tokafalo. Ka jalo, tholotiro ya bokoa jwa boitekanelo e tshwanetse go sekasekiwa e le ntlha ya kwa bofelong fela.
<fn>tsn_Article_National Language Services_TSHEDIMOSETSO YA BOTLHOKWA.txt</fn>
Tona ya Diporofense le Dipusoselegae, Rre Sydney Mufamadi, ga jaana o tsene mo thulaganyong ya ditherisano le setšhaba ka ga Molaotlhomo wa Direiti tsa Thoto o mošwa wa Aforika Borwa.
Goreng go tlhokega Molaotlhomo wa Direiti tsa Thoto?
Molaotlhomo wa Direiti tsa Thoto ke molaotlhomo o monnye wa kgotlapeomolao ya bosetšhaba o o tla sekasekiwang ke Palamente.
Direiti tsa thoto ke eng?
Di duelwa ke beng ba mefuta yotlhe ya thoto tota, go akaretsa thoto ya kgwebo, intaseteri, bonno, temothuo le thoto ya mmuso.
Lotseno lwa lekgetho la thoto lo dirisetswa eng?
Bommasepala ba tlhoka lotseno lo lo ikanyegang go sireletsa boitekanelo jwa setšhaba, netefaletso ya tshireletsego ya setšhaba, le go somarela tikologo. Direiti tsa thoto ke motswedi wa botlhokwa wa lotseno lwa bommasepala ka kakaretso, segolo setonna kwa dikgaolong tse di tlhabologileng. Lotseno go tswa mo direiting tsa thoto lo dirisetswa go duelela ditirelo tse di tswelang setšhaba sotlhe mosola fa go no le malapa a a ikemetseng ka nosi. Ditirelo tse di akaretsa go tsenngwa le go tlhokomelwa ga ditsela, ditselanathoko, dipone, le dibebofatsi tsa kelelo ya metsi; le go aga le go dirisa ditliliniki, diphaka, le dibebofatsi tsa boitapoloso. Lotseno lwa direiti tsa thoto gape lo dirisetswa go duelela tsamaiso ya mmasepala, jaaka dikhomphuitara le seteišenari, le ditshenyegelo tsa taolo, jaaka dikopano tsa setšhaba le tsa khansele.
Bommasepala ba bangwe ba dirisa lotseno lo lo tswang mo direiting tsa thoto go thusa go tlamela ba ba sa kgoneng go duela ka ditirelo tsa botlhokwa, le fa thuso ya "dikabelo ka tekatekano" matlole a a tswang kwa mmusong wa bosetšhaba a akaretsa melato yotlhe.
Direiti tsa thoto di bewa, di kokoanngwa le go dirisiwa fa gae. Mebuso ya bosetšhaba le ya dipusoselegae ga e pateletse makgetho a, le gone ga e bone seabe go tswa mo lokgethong lo lo kokoantsweng. Direiti tsa thoto di dirisiwa mo mmasepaleng, kwa baagi le batlhophi ba nang le tshwaelo ya gore matlole a dirisiwe jang. Khansele e e tlhophilweng selegae e beya direiti le go dirisa lotseno.
A na Molaotlhomo wa Direiti tsa Thoto o letla ditlogelo?
Go ya ka karolo 229 ya Molaotheo, bommasepala ba na le dithata tsa go kgethisa thoto. Go botlhokwa go tlhokomela gore dithata tsa go kgethisa ga di a tshwanela go dirisiwa ka tsela e e ka gobelelang dipholesi tsa bosetšhaba tsa ekonomi, ditiro tsa ekonomi go ralala melelwane ya bommasepala, kgotsa tshutiso ya diphatlho bosetšhaba, ditirelo, matlotlo kgotsa bodiri ka mokgwa o o sa siamang.
Go tlaleletsa ditlogelo tse di laoletsweng bosetšhaba, bommasepala ba ka neela ditlogelo le diphokoletso. Ditshenyegelo tsa ditlogelo tsa go nna jalo tse di tlhomamisitsweng selegae le diphokoletso di tshwanetse go akanyetswa ke khansele ya mmasepala tebang le dipoelo tse di amogelwang ke setšhaba sa selegae go tswa mo makgethong a go nna jalo.
Direiti tsa thoto di tlhomamisiwang jang?
Direiti tsa thoto di tswa mo lekgethong la motheo le lekgetho la direiti. Molaotlhomo o kaya gore lekgetho la motheo ke boleng jwa mmaraka jwa lefatshe le ditokafatso mme tsona di tshwanetse go kgethisiwa mmogo ka reiti e le nngwe. Reiti ya lekgetho (le le laolwang ke khansele ya mmasepala) ke selekano sa sente fa ranta e dirisiwa mo boleng jwa thoto e e leng mo mmasepaleng.
Sekai, fa reiti ya lekgetho e le sente mo Ranteng kgotsa 1%, mme boleng jwa thoto e e kgethisiwang e le R100 000, lekgetho le le duedisiwang mo thotong eo e tla nna R1 000 ka ngwaga.
Peotlhwatlhwa ya thoto ke thulaganyo ya go tlhomamisa boleng jwa thoto ka letlha le le rileng. Batlhomamisi ba ba ikemetseng ba porofešenale ba tiro ya bone e leng go netefatsa gore dithoto di bewa tlhwatlhwa sentle le ka tshwanelo, ke bone ba beyang ditlhwatlhwa. Molaotlhomo wa Direiti tsa Thoto o batla tshekatsheko le boikuelo jwa thulaganyo e e tla kgontshang motho mongwe le mongwe yo o nang le thoto go gwetlha peotlhwatlhwa e a dumelang gore e fosagetse.
A Molaotlhomo wa Direiti tsa Thoto o batla gore lefatshe le dikago di kgethisiwe ka bobedi?
Ee. Go ya ka hisetori bommasepala ba bangwe ba ne ba duedisa lekgetho la setsha (lefatshe) fela, fa ba bangwe ba ne ba duedisa lekgetho la lefatshe le dikago ka bobedi. Ka nako nngwe, go ne go dirisiwa direiti tse di farologaneng tsa lefatshe go na le tsa dikago. Mongwe wa maikemisetso a botlhokwa a Molaotlhomo ke go batla thulaganyo e e tshwanang ya bosetšhaba ya tekanyetso e e ikaegileng ka ditlhwatlhwa tsa mmaraka, fa go bewa ga direiti le pholesi ya tshwetso ka ga direiti e tlogelelwa dikhansele tsa bommasepala. Go le jalo mo go bommasepala ba bangwe, go kgethisiwa ga lafatshe le dikago ka bobedi ka direiti tse di tshwanang go ka lebisa kwa lekgethong le le oketsegileng, Molaotlhomo ga o letle dikhansele tsa bommasepala go tshegetsa kgotsa go oketsa direiti tse di leng teng. Dikhansele tsa bommasepala di gololosegile go fokotsa makgetho, fa ba eletsa go tshola ditšhelete tsa bone mo direiting bonnyane mo maemong a ga jaanong.
Molaotlhomo wa Direiti tsa Thoto o tla ama jang beng ba thoto?
Molaotlhomo wa Direiti tsa Thoto ga o kitla o ama beng ba thoto ka bonako. Bommasepala ba bantsi ba setse ba duedisa direiti tsa thoto go ya ka dithata tse di neetsweng ke Molaotheo le dipeomolao tsa kgale tsa diporofense. Molaotlhomo ga o fetole ditlhokego tsotlhe tsa lotseno la bommasepala, e bile ga o tlhome direiti tsa thoto. Mmasepala o mongwe le o mongwe o tla tswelela ka go tlhoma le go kokoanya direiti tsa thoto ka seelo se se lekanetseng go kgotsofatsa ditlhokego tsa ona.
Ke ditlhopha dife tsa thoto tse di tla kgethisiwang?
Tshwetso e, e tlogelelwa bommasepala. Molaotheo o letla bommasepala go duedisa lekgetho la mefuta yotlhe ya thoto, mme reiti e setlhopha sengwe le sengwe sa thoto se tla kgethisiwang ka yona e tla nna tshwetso ya selegae ya khansele nngwe le nngwe. Legale, Molaotlhomo o batla gore lekgetho la thoto nngwe le nngwe le dirwe go ya ka pholesi ya direiti tsa selegae, e dirilwe ka ditherisano le setšhaba. Khansele nngwe le nngwe ya mmasepala e tshwanetse go akanyetsa ditshenyegelo le dipoelo tsa dithebolo kgotsa diphokoletso dingwe le dingwe tse e ka bonang di le maleba.
Bommasepala ba tshwanetse go dira eng go tsenya Molaotlhomo wa Direiti tsa Thoto mo tirisong?
Ka Sedimonthole 2000, bommasepala ba kgabaganyo ba ne ba tshwaragnngwa go nna diyuniti tse kgolwane. Se se batla gore tekanyetso le tiragatso ya direiti tsa bommasepala ba ba farologaneng di ruanngwe, mme go dirwe tekanyetso e le nngwe ya mmasepala o mongwe le o mongwe. Se se tla tshwanela ke go dirwa mo sebakeng sa dingwaga tse nne tsa go simolola go dira ga molao o o beilweng.
Molaotlhomo o batla gore dithoto tse di tshwanang di tsewe ka go tshwana. Mo mabakeng a e leng gore tekanyetso ya dithoto ga se tsa sešweng, Molaotlhomo o batla gore bommasepala ba baakanye direkhoto tsa bone tsa tekanyetso. Se se tshwanetse go dirwa mo sebakeng sa dingwaga tse nne tsa go simolola go dira ga molao o o beilweng.
Bommasepala ba tshwanetse go netefatsa gore beng ba ditlhopha tsa matlo ba kwadisitswe le bone ka ntlha ya gore ga ba kitla ba tlhola ba kgona go duedisa setlamo lekgetho.
Bommasepala ba tshwanetse go itlhamela pholesi ya selegae ya direiti ka ditherisano le setšhaba - go latela kgaolo ya bo 4 ya Molao wa Dithulaganyo tsa Bommasepala - pele ba ka duedisa makgetho a thoto.
Molaotlhomo wa Direiti tsa Thoto o tla simolola leng go dira?
Molaotlhomokakangwa wa Direiti tsa Thoto o tshwanetse go tlhagisiwa kwa Palamenteng go sa le gale ka 2003. Fa o ka amogelwa ke Palamente, Molaotlhomo o tla laola direiti tsa thoto go simolola ka ngwaga wa ditšhelete wa dipusoselegae o o simololang ka la 1 Phukwi 2004.
O ka bona kae tshedimosetso e e tletseng ka ga Molaotlhomo wa Direiti tsa Thoto?
Fela fa Molaotlhomo o kwadilwe mo kaseteng gore setšhaba se tshwaele ka one, dikhopi di ka bonwa go tswa kwa Government Printers - Motse Kapa le Tshwane.
<fn>tsn_Article_National Language Services_TSHISINYO YA MAINA A BONTLHOPHENG.txt</fn>
Maloko a setšhaba sa ngwaoboswa le setšhaba ka kakaretso se kopiwa go Tshisinya maina a bontlhopheng ba ba siametseng go ka sekwasekwa ke Tona ya Botsweretshi, Setso, Saense le Thekenoloji go ka tsenngwa mo Khanseleng ya Musiamo wa Voortrekker.
Maikarabelo a magolo a khansele e tla nna go thapa badiri, go tlhama pholisi le thulaganyo ya pakatelele ya setheo. Musiamo wa Voortrekker ke sengwe sa ditheo tsa setso (di-DCI) tse di laolwang ke Molao wa Ditheo tsa Setso, 119 (Molao No. 119 wa 1998). Ditheo tsotlhe tsa setso di tshwanetse go kgotsofatsa ditlhokego tsa Molao wa Tsamaiso ya Ditšhelete tsa Setšhaba.
Bontlhopheng ba tshwanetse go nna le kitso ya lephata la ngwaoboswa, kitso ya tsamaiso ya dimusiamo, bokgoni kwa tsamaiso ka kakaretso le tsamaiso ya ditšhelete, bokgoni jwa semolao, kitso ya papatso, bogokaganyi, kokoanyo matlotlo, thuto, le bobatlisisi mo lephateng la histori ya setso, maitemogelo a tirelo ya setšhaba le bokgoni jo bo rileng mo dingwaong tsa maVoortrekker le maZulu.
c kamogelo e e kwadilweng ya tshisinyo ya ga ntlhopheng; le d maina le dintlha tsa go ikgolaganya le dipaki tse tharo.
Maloko a setšhaba sa ngwaoboswa le setšhaba ka kakaretso se kopiwa go Tshisinya maina a bontlhopheng ba ba siametseng go ka sekwasekwa ke Tona ya Botsweretshi, Setso, Saense le Thekenoloji go ka tsenngwa mo Khanseleng ya Musiamo wa Nwa ya Direphaboliki tsa Maburu.
Maikarabelo a magolo a khansele e tla nna go thapa badiri, go tlhama pholisi le thulaganyo ya pakatelele ya setheo. Musiamo wa Ntwa ya Direphaboliki tsa Maburu ke sengwe sa ditheo tsa setso (di-DCI) tse di laolwang ke Molao wa Ditheo tsa Setso, 119 (Molao No. 119 wa 1998). Ditheo tsotlhe tsa setso di tshwanetse go kgotsofatsa ditlhokego tsa Molao wa Tsamaiso ya Ditšhelete tsa Setšhaba.
Bontlhopheng ba tshwanetse go nna le kitso ya lephata la ngwaoboswa, kitso ya tsamaiso ya dimusiamo, bokgoni kwa tsamaiso ka kakaretso le tsamaiso ya ditšhelete, bokgoni jwa semolao, kitso ya papatso, bogokaganyi, kokoanyo matlotlo, thuto, le bobatlisisi mo lephateng la histori ya setso, maitemogelo a tirelo ya setšhaba le bokgoni jo bo rileng mo historing ya Ntwa ya Aforika Borwa ya Maisemane le Maburu (1899 go fitlha ka 1902).
c kamogelo e e kwadilweng ya tshisinyo ya ga ntlhopheng; le d maina le dintlha tsa go ikgolaganya le dipaki tse tharo.
Maloko a setšhaba sa ngwaoboswa le setšhaba ka kakaretso se kopiwa go Tshisinya maina a bontlhopheng ba ba siametseng go ka sekwasekwa ke Tona ya Botsweretshi, Setso, Saense le Thekenoloji go ka tsenngwa mo Khanseleng ya Musiamo wa Nelson Mandela.
Maikarabelo a magolo a khansele e tla nna go thapa badiri, go tlhama pholisi le thulaganyo ya pakatelele ya setheo. Musiamo wa Nelson Mandela ke sengwe sa ditheo tsa setso (di-DCI) tse di laolwang ke Molao wa Ditheo tsa Setso, 119 (Molao No. 119 wa 1998). Ditheo tsotlhe tsa setso di tshwanetse go kgotsofatsa ditlhokego tsa Molao wa Tsamaiso ya Ditšhelete tsa Setšhaba.
Bontlhopheng ba tshwanetse go nna le kitso ya lephata la ngwaoboswa, kitso ya tsamaiso ya dimusiamo, bokgoni kwa tsamaiso ka kakaretso le tsamaiso ya ditšhelete, bokgoni jwa semolao, kitso ya papatso, bogokaganyi, kokoanyo matlotlo, thuto, le bobatlisisi mo lephateng la histori ya setso, maitemogelo a tirelo ya setšhaba.
c kamogelo e e kwadilweng ya tshisinyo ya ga ntlhopheng; le d maina le dintlha tsa go ikgolaganya le dipaki tse tharo.
Maloko a setšhaba sa ngwaoboswa le setšhaba ka kakaretso se kopiwa go Tshisinya maina a bontlhopheng ba ba siametseng go ka sekwasekwa ke Tona ya Botsweretshi, Setso, Saense le Thekenoloji go ka tsenngwa mo Khanseleng ya Musiamo wa Bosetšhaba, Mangaung.
Maikarabelo a magolo a khansele e tla nna go thapa badiri, go tlhama pholisi le thulaganyo ya pakatelele ya setheo. Musiamo wa Bosetšhaba ke sengwe sa ditheo tsa setso (di-DCI) tse di laolwang ke Molao wa Ditheo tsa Setso, 119 (Molao No. 119 wa 1998). Ditheo tsotlhe tsa setso di tshwanetse go kgotsofatsa ditlhokego tsa Molao wa Tsamaiso ya Ditšhelete tsa Setšhaba.
Bontlhopheng ba tshwanetse go nna le kitso ya lephata la ngwaoboswa, kitso ya tsamaiso ya dimusiamo, bokgoni kwa tsamaiso ka kakaretso le tsamaiso ya ditšhelete, bokgoni jwa semolao, kitso ya papatso, bogokaganyi, kokoanyo matlotlo, thuto, le bobatlisisi mo lephateng la histori ya setso, maitemogelo a tirelo ya setšhaba le bokgoni jo bo rileng mo disaenseng tsa tlhago, disaense tsa setso le/kgotsa tsa setho.
c kamogelo e e kwadilweng ya tshisinyo ya ga ntlhopheng; le d maina le dintlha tsa go ikgolaganya le dipaki tse tharo.
Maloko a setšhaba sa ngwaoboswa le setšhaba ka kakaretso se kopiwa go Tshisinya maina a bontlhopheng ba ba siametseng go ka sekwasekwa ke Tona ya Botsweretshi, Setso, Saense le Thekenoloji go ka tsenngwa mo Khanseleng ya Musiamo wa Natala.
Maikarabelo a magolo a khansele e tla nna go thapa badiri, go tlhama pholisi le thulaganyo ya pakatelele ya setheo. Musiamo wa Natala ke sengwe sa ditheo tsa setso (di-DCI) tse di laolwang ke Molao wa Ditheo tsa Setso, 119 (Molao No. 119 wa 1998). Ditheo tsotlhe tsa setso di tshwanetse go kgotsofatsa ditlhokego tsa Molao wa Tsamaiso ya Ditšhelete tsa Setšhaba.
Bontlhopheng ba tshwanetse go nna le kitso ya lephata la ngwaoboswa, kitso ya tsamaiso ya dimusiamo, bokgoni kwa tsamaiso ka kakaretso le tsamaiso ya ditšhelete, bokgoni jwa semolao, kitso ya papatso, bogokaganyi, kokoanyo matlotlo, thuto, le bobatlisisi mo lephateng la histori ya setso, maitemogelo a tirelo ya setšhaba le bokgoni jo bo rileng mo disaenseng tsa tlhago, disaense tsa loago le/kgotsa tsa setho.
c kamogelo e e kwadilweng ya tshisinyo ya ga ntlhopheng; le d maina le dintlha tsa go ikgolaganya le dipaki tse tharo.
Maloko a setšhaba sa ngwaoboswa le setšhaba ka kakaretso se kopiwa go Tshisinya maina a bontlhopheng ba ba siametseng go ka sekwasekwa ke Tona ya Botsweretshi, Setso, Saense le Thekenoloji go ka tsenngwa mo Khanseleng ya Tikwatikwe ya Botsweretshi ya William Humphreys.
Maikarabelo a magolo a khansele e tla nna go thapa badiri, go tlhama pholisi le thulaganyo ya pakatelele ya setheo. Tikwatikwe ya Botsweretshi ya William Humphreys ke sengwe sa ditheo tsa setso (di-DCI) tse di laolwang ke Molao wa Ditheo tsa Setso, 119 (Molao No. 119 wa 1998). Ditheo tsotlhe tsa setso di tshwanetse go kgotsofatsa ditlhokego tsa Molao wa Tsamaiso ya Ditšhelete tsa Setšhaba.
Bontlhopheng ba tshwanetse go nna le kitso ya lephata la ngwaoboswa, kitso ya tsamaiso ya dimusiamo, bokgoni kwa tsamaiso ka kakaretso le tsamaiso ya ditšhelete, bokgoni jwa semolao, kitso ya papatso, bogokaganyi, kokoanyo matlotlo, thuto, le bobatlisisi mo lephateng la histori ya setso, maitemogelo a tirelo ya setšhaba le bokgoni jo bo rileng mo lephateng la botsweretshi.
c kamogelo e e kwadilweng ya tshisinyo ya ga ntlhopheng; le d maina le dintlha tsa go ikgolaganya le dipaki tse tharo.
<fn>tsn_Article_National Language Services_TSHWARAGANO LE MMUSO MO TLHABOLOLONG YA METSESELEGAE.txt</fn>
Moporesidente Thabo Mbeki o simolotse Lenaneo le le Tshwaraganetsweng le le Ikemetseng la Tlhabololo ya Metseselegae (ISRDP) ka 2001. Maikaelelo a lenaneo le la dingwaga tse di lesome ke go fedisa botlhoki le tlhabololo e e kwa tlase le go tokafatsa boleng jwa matshelo a batho ba ba nnang kwa metseng-selegae.
Lenaneo le lebile batho ba ba nnang kwa metsengselegae segolo thata basadi, bašwa le digole.
Go setse go tlhophilwe dikgaolo tse di lesometharo tse di itsegeng jaaka ditokololo.
Tokafatso ya letlotlo la dithoto mo loagong - dithoto tsa lelapa, lotseno le tshenyegelo.
Lefapha la Diporofense le Pusoselegae (dplg) le rwele maikarabelo a go rulaganya manaane kwa maemong a bosetšhaba. Mafapha a mmuso a Bosetšhaba le a Diporofense a nna le seabe ka go tlamela didiriswa le go diragatsa diporojeke tse di tlhokegang. Terasete e e Ikemetseng ya Tlhabololo (IDT) e supilwe jaaka motshegetsi wa ISRDP.
Tiro ya pusoselegae ke go diragatsa diporojeke jaaka di tlhagisistwe ke Lenane le le Ikemetseng la Tlhabololo (IDP). Lephata la poraefete le nna le seabe ka tlamelo ya didiriswa go tshegetsa tiragatso ya diporojeke.
Lenaane le lebisiwa kwa dikgaolong tse di tlhophilweng go ikaegilwe ka mathata a tlhabololo le ditšhono tsa selegae tse di lemogilweng. Madi le didiriswa di rebolwa go tswa mo maphateng a mararo a mmuso le badirisani ba bangwe (lephata la poraefete, mekgatlho e e seng ya mmuso; dikgwebo tse e leng tsa puso, j.j.). E tsibogela bosupi jwa lehuma le ditšhono tsa ikonomi. Gape lenaane le tokafatsa bokgoni jwa bommasepala ba selegae go tlamela ditirelo. Go lebilwe thata manaane a mmuso a a leng teng fa go ntse go tlhabololwa manaane a mašwa.
Maikemisetso a ISRDP ka kakaretso ke go dirisana le batho le badirammogo ba bangwe, go fokotsa botlhoki le go tokafatsa boleng jwa bophelo kwa dikgaolong tsa metseselegae ka tirisano e e golaganeng le ditheo tse di maleba go samagana le katlaatleloloago, ikonomi, ditlhokego tsa tikologo le taolo.
Nngwe ya ditheo tsa lenaane ke go nna le seabe ga setšhaba. Setšhaba se ka nna le seabe mo dipuisanong tse di kopanetsweng tsa tlhabololo ya bomma-sepala ba selegae. Dipuisano tse di neela maloko a setšhaba ditšhono tsa go bona le go rulaganya ditlhokego tsa sone. Pusoselegae e fetola ditlhokego tse go nna diporojeke tse di tlhokegang.
<fn>tsn_Article_National Language Services_TSWELETSO YA PHITLHELELO YA MOLAO WA TSHEDIMOSETSO.txt</fn>
Boineelo jwa Aforika Borwa mo tshwanelong ya phitlhelelo ya tshedimosetso bo tlotla pateletsego ya molaotheo go neela tiragatso kwa tshwanelong ya phitlhelelo ya tshedimosetso e e tshwerweng ke Puso kgotsa tshedimosetso e e fitlhelwang mo lephateng la poraefete.
Molao ke tlhabololo ya botlhokwa fa go lebelelwa setlwaedi sa maloba sa bophiri se se bonweng go tswa dingwageng tse dintsi tsa puso ya bonnye e e seng ka fa tshwanelong. Ka Molao o re tshuba lebone go tlisa kwa bokhutlong bophiri le ditimalo tse di bontshang dingwaga tse dintsi tsa puso ya kgethololo le tsamaiso.
Tsweletso ya Phitlhelelo ya Molao wa Tshedimosetso , No 2 wa 2000, o tlamela tshwanelo ya molaotheo ya phitlhelelo ya tshedimosetso e e tshwerweng ke naga le mekgatlho ya poraefete jaaka nngwe ya maikemisetso magolo a yona.
Tshwanelo e e tla thusa go godisa teranseparense, maikarabelo le taolo e e nonofileng ya setšhaba le mekgatlho ya poraefete. Go ya ka tshwanelo e, e tla kgontsha gape batho ba rona go tsaya karolo ka botsalo le go dira ditshwetso tse di utlwalang mo go ageng gape setšhaba sa rona ka tshedimosetso.
E ntse e le kago go ya pele mo motheong wa rona go godisa ka mafolofolo setšhaba se mo go sona batho ba Aforika Borwa ba ba nang le phitlhelelo ya tshedimosetso go ba kgontsha go dira ka botlalo go feta le go sireletsa gotlhe ga ditshwanelo tsa bona.
Taolelo e e neilweng mmuso wa rona ke batho ba naga e e ne e le go dira diphetogo, tse di tla tokafatsang boleng ba botshelo ba MaAforika Borwa otlhe. Molao o tla oketsa kwa motheo o o tiileng o re agelang mo go ona, mo patlong ya rona ya taolo e e siameng le maikarabelo.
Tirokgolo ya Molao wa Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa 2000, o o neng wa itsisiwe ka Mopitlwe 2001 ka go dira setšhaba se mo go sona batho ba Aforika Borwa ba nang le gona go fitlhelela tshwanelo ya tshedimose. Karolwana e ntsha e ya peomolao e kgontsha MaAforika Borwa otlhe e seng fela go diragatsa ditshwanelo tsa bona ka botlalo, mme sa botlhokwa segolo go sireletsa gotlhe ga ditshwanelo tsa bona jaaka di beilwe mo Molaotheong. Tsweletso ya Phtlhelelo ya Molao wa Tshedimosetso ke sedirisiwa sa botlhokwa mo go maatlafatseng ditlamelo ka fa gare ga Molaotlhomo wa Ditshwanelo jaaka o tlhagisitswe mo Molaotheong.
Temokerasi ya rona ya Aforika Borwa e ikaegile mo dipilareng tsa tokologo, tekano le tlotlo ya seriti sa motho. Molao o mošwa o, ke karolo ya botlhokwa mo teng ga tirego ya phetogo, ka o ritela metheo e e beilweng ka fa teng ga Molaotlhomo wa Ditshwanelo.
Tlwaelo ka fa tlase ga puso ya kgethololo e ne e le gore ditiro tsa mmuso le tsamaiso ya yona di ne di apesitswe ke bophiri le tidimalo, go khupediwa bobodu le ditiro tse di sa tshwanelang. Ka ditlhopho tsa temokerasi tsa 1990, re tsene mo tseleng e ntsha e e godisang setso sa teraseparense le maikarabelo.
Tsweletso ya Phitlhelelo ya Molao wa Tshedimosetso o tlhagisetsa setšhaba sa Aforika Borwa tsela go nna le motswedi wa thuso kwa phitlhelelong ya tshedimosetso go tswa nageng le ditheong tsa poraefete.
Molao o mošwa o, o oketsa tlhokego ya ditheo tsotlhe go dira ka gale ka tshwanelo le go nna maikarabelo mo ditirong tsotlhe tsa tsona.
Kantoro ya Tona e na le seabe ka go farologana le ditiro tse di dirwang go tlhomamisa tsamaiso e e siameng. Go botlhokwa gore kantoro e, e tshameke karolo ya boeteledipele koo matlhakore otlhe a mmuso a ka isiwang go fitlhelela maikaelelo a a tshwanang a POROFENSE. Seabe sa tshegetso se tlhomamisa gore mmuso wa Bosetšhaba le wa Selegae o kopane, o netefatsa, gareng ga tse dingwe, tsamaiso e ntle ya ditšhelete, tsamaiso ya badiri le thulaganyo ya lefapha, jljl. Go botlhokwa gape gore Kantoro ya Tona e netefatse peomolao, kgolagano ya PHOLESE le thulaganyo. Mmogo le se, kantoro e, e tsamaisa Patlisiso ya PHOLESE & tsamaiso ya phetogo ya karologanyo le togamaano. Go tlaleletsa se, Kantoro ya Tona e na gape le seabe se se kgethegileng kana sa tshwaragano se e se tshamekang. Ka tiragatso ya ditirelo tsa kgakololo ya semolao, ditirelo tsa tlhaeletsano, ditirelo tsa tshedimosetso ya thekenoloji, Tshegetso ya Moabi le Ditirelo tsa Tsamaiso tsa Ema - Gangwe, seabe se se kgethegileng/tshwaraganeng se fitlheletswe.
Go mo molaleng gore, gore go netefadiwe tiragatso ya ditiro le seabe se se golaganeng le Motlhankedi wa Tona; go tshwanetse go nne le POPEGO ya thulaganyo e e nonofileng le bokgoni. POPEGO ya thulagano e e feletseng, e bontsha palo ya diyuniti tse di ikemetseng, ditiro tse di abilweng le diposo tse di rebotsweng, e tshwaragantswe jaaka Mametlelelo A.
Go ya ka Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso, Motlhankedi wa Tshedimosetso o tlhomilwe/emiseditswe go tlhomamisa tsamaiso ya tirego ya phitlhelelo ya tshedimosetso/direkoto. Go tlaleletsa, Motlatsa Batlhankedi ba Tshedimosetso o tlhomilwe/emiseditswe go thusa Motlhankedi wa Tshedimosetso ka tiro e.
LEINA : Rre. M. E.
Go ya ka Molao 2000, wa Phitlhelelo ya Tshedimosetso, motho ofe o na le tshwanelo ya go kopa phitlhelelo ya tshedimosetso/direkoto tse di mo diatleng tsa Naga kana Mokgatlho wa Setšhaba. Gore o bone phitlhelelo kwa rekotong, motho o tshwanetse go tlatsa kopo ya foromo ya phitlhelelo ya tshedimosetso. Foromo e tshwaragantswe jaaka Mametlelelo B. Foromo e e tshwanetse go romelwa kwa go Motlhankedi wa Tshedimosetso, kwa dintlheng tsa kgolagano tse di fa godimo.
Motlhankedi wa Tshedimosetso o tla tlhomamisa gore a motho yo o kopang tshedimosetso ke mokopi wa sebele kana nnyaya, k.g.r a tshedimosetso e ama fela motho yo o kopang tshedimosetso kana nnyaya. Fa motho e le mokopi ka sebele, ga go madi a pele a a tla duelwang. Fa tshedimosetso e sa ame fela motho yo o kopang tshedimosetso, madi a pele a R 35,00 a duelwa pele ga tiro e tswelela. Ka jalo, kopo ga e ne e dirwa go fitlha madi a pele a duetswe.
Fale madi a duetswe, Motlhankedi wa Tshedimosetso o tla laela badiri ba ba maleba go ntsha rekoto(di) tse di amegang.
Fa rekoto e ntshitswe, Motlhankedi wa Tshedimosetso o tla thadisa lokwalo le go bapisa diteng tsa rekoto le mabaka a kgano, jaaka go tlhalositswe ke Molao.
Fa phitlhelelo e ka rebolwa, mokopi/mokopi wa sebele o tla itsisiwe ka ditshenyegelo tse di tshwanetseng go duelelwa tlhagiso ya rekoto.
Mo tuelong ya madi a a maleba, rekoto/kana karolo ya seo sa phitlhelelo e e rebotsweng, e tla tlhagisiwa le go romelwa kwa mothong yo o kopileng tshedimosetso.
Mo lebakeng la phitlhelelo go ya rekotong e sa rebolwa, motho yo o kopileng phitlhelelo go ya rekotong, o tla itsisiwe gore phitlhelelo ga e a rebolwa mme ditsamaiso tsa boikuelo tse di maleba tse di tshwanetseng go latelwa di tla tlhalosiwa.
Direkoto mo Kantorong ya Tona di kgaogantswe bofefo go ya ka direkoto tsa kwalelano le direkoto tsotlhe go na le kwalelano (direkoto tse dingwe).
Kwalelano e laolwa le go tsamaisiwa go ya ka ditsela tse tharo tsa go faela tse di atlanegisitsweng go dirisiwa mo kantorong ke Diakhaefe tsa POROFENSE. Kwalelano yotlhe malebana le merero ya badiri e tsamaisiwa ke Tsela ya go Faela ya Ditiro tsa Yunifomo ya Badiri; ditiro tse dingwe tsotlhe tse di amanang le kwalelano di laolwa ke Tsela ya go Faela ya Ditiro tsa Yunifomo ya Badiri. Ditsela tse pedi tsa yunifomo ya go faela di a gapelediwa mo mafapheng otlhe mo Botsamaisng ba POROFENSE ba Kapa Bokone (NCPA). Kwalelano yotlhe malebana le kologano ya ditiro tsa Kantoro ya Tona e laolwa ke Kologano ya Ditiro e e rebotsweng, e e tshwanang e le esi kwa Kantorong ya Tona mme e sa dirisiwe gope mo mafapheng a mangwe mo NCPA. Difaele tsa batho tse di bulwang go ya ka ditsela tse tharo tse di bontshiwa mo Rejisetareng ya Difaele tse di Butsweng e e tshwaragantsweng.
Direkoto tse dingwe di laolwa le go tsamaisiwa go ya ka Mametlelelo e e laolang Direkoto, e e iseng e rebolwe ke Diakhaefe tsa POROFENSE.
Go tloga 1994-2001, Kantoro ya Tona e ne e sa arologanyetse le go tsamaisa direkoto tsa yona go ya ka melawana ya diakhaefe mo lebakeng le. Direkoto tse ga jaana di faeliwa gape go ya ka mekgwa ya karologanyo e e rebotsweng (ditsela tsa go faela le Mametlelelo ya Taolo ya Direkoto). Seno ke tirego e e ka se fediweng ka bosigo bo le bongwe mme manuale o o bontsha direkoto fela tseo tse di arologanyeditsweng fa e sale ka Mopitlwe 20001. Jaaka fa direkoto tse di sa arologanyediwang di faeliwa gape, manuale o o tla tlalelediwa mme dikhophi tsa ditlaleletso di tla isiwa kwa Khomišeneng ya Ditshwanelo tsa Botho ka dipaka tsa tswelelo.
Meneseteri wa Tona o na le tsela e le nngwe ya ona ya go faela e e rebotsweng e e ka se dirisiweng ke diyuniti dife tse dingwe mo Kantorong ya Tona.
Lenaneo la Beke.
Kopo ya G.
Dikoloi tsa Kotsi tsa G.
Tirisobotlhaswa ya Koloi ya G.G.
Leano la Kgwebo la Tlhokomediso ya Beke ya T.
Mokgatlho wa Sekere wa S.
Porojeke ya Teemane D.
Thutano ya Setlhopha ya N.C.
Porojeke ya go Lolamisa ya J.F.
Tswelelopele: Kantoro ya Ditshwanelo tsa Ngwana.
Tiro ya Legong ya Patrick ya go Betla Fanitšhara.
Taolo ya mametlelelo e neetswe Motsamaisi wa Direkoto. Go se nne le diphetogo le/kana ditlaleletso kwa mametlelelong kwa ntle ga thebolo ya motlhankedi.
Diphetogo le ditlaleletso tsotlhe di tshwanetse go romelwa kgabetsa kwa Moakhaefeng wa POROFENSE go kwala, go rebola le go neela bothati ba go latlha.
Khophi kgolo ya mametlelelo e e laolang direkoto e faelwa mo khabareng e e nosi mme e bontshiwa jalo mo khabareng e e kwa ntle. Khophi e e tsholwa ke motlhankedi yo o boletsweng fa godimo yo o tshwanetseng go tlhomamisa gore e tsholwa e feleletse mme le gore ditaelo mo temaneng 2 di a diragadiwa.
Fale bothati ba go latlha bo bo emeng bo rebotswe go ya ka mabaka a a mo mametlelelong e e laolang direkoto regisetara e e senyang e tshwanetse go diragadiwa. Registara e, e kgaogantswe go ya ka dingwaga, sk. 2002, 2003, 2004, jljl. Fa sengwe se tswaletswe, tshupetso ya sona e tshwanetse go tsenngwa ka fa tlase ga ngwaga o se tla senngwang ka ona. Selo se se tswalang ka 2002 se taelo ya tshenyo e leng D3, se tla tsenngwa ka jalo ka fa tlase ga ngwaga 2005, ka go rialo se dira bonolo go lemoga gore ke dilo dife tse di tla senngwang mo ngwageng ofe o o rileng. Tiriso ya sebofo sa letlhare le le leketlhang e a atlanegisiwa ka go sa kgonege go tlhomamisa palo ya ditsebe tsedi tlokegang ka ngwaga pele ga nako.
Dilo di tshwanetse go latlhiwa kgabetsa- bogolo gangwe ka ngwaga- tse mo godimo setefikeite se se tlhalositsweng sa tshenyo se tshwanetseng go romelwa kwa Moakhaefeng wa POROFENSE.
Dilo tsotlhe di tshwanetse go lemogiwa mo khabareng ya lentlle ka mokgwa wa nomoro le leina jaaka di tlhagelela mo mametlelelong e e laolang direkoto mmogo le taelo e e maleba ya tshenyo. Palo le taelo ya tshenyo di tshwanetse go kwalwa mo bolokong e e khutlometsepa.
A20 - Fetisetsa kwa bobolokelong ba diakhaefe dingwaga di le 20 morago ga bokhutlo ba ngwaga o direkoto di neng tsa dirwa.
D - Senya (mmele wa tshimologo ka boona o tlhomamisa nako ya tshwaro).
D7 - Senya dingwaga di le supa morago ga tswalelo.
AP - E ka nna mo tisong ya mokgatlho ka go sa fele. Fa tatlho e nna teng, sk. fa kantoro e tswalela kana dithoto di latlhiwa; e tshwanetse go fetisediwa kwa bobolokelong ba diakhaefe.
DAU - Senya ka bonako morago ga fa go runa go fedile.
DAU3 - Senya dingwaga di le 3 morago ga fa go runa go fedile.
DAU7 - Senya dingwaga di le 7 morago ga fa go runa go fedile.
Direjisetara tsa 2. Rejisetara ya difaele Rejisetara ya Bogare ditšhelete di ntshitswe.
DIPHASALATSO 1. Makwalodikgang Ditlhaeletsano NB.
Khophi ya bobedi e tshwanetse go fetisetswa kwa Diakhaefeng tse di maleba Polokelo jaaka karolo ya tlwaelo ya phetiso ya direkoto tsa A20.
ELEKETERONIKI Direkoto tse ga di bope karolo ya mokgwa wa botsamaisi ba direkoto tsa DIREKOTO tsa eleketeroniki mme ga di ise di naneofadwe ka tsepamo. Di teng mme di tsamaisiwa mo polokelong ya khomputara ka nosi ya batlhankedi ba ba thapilweng mo Kantorong ya Tona. Bogolo ba tse dintsi tsa direkoto tse di teng gape mo pampiring mme di bontshiwa mo difaeleng tsa kwalelano tsa lefapha.
Setshwantsho letlhomeso se se rebotsweng sa mafapha otlhe mo NCPA.
Dintlha tsa Ditšhelete tsa Ngwaga tsa Mafapha.
Direkoto tsotlhe tse di phasaladitsweng pele sk. diboroutšhara, makwalodikgang, ditshwantsho, dikhalentara jljl.
Direkoto tsotlhe tse di phasaladitsweng mo webesaeteng ya NCPA.
Direkoto tsotlhe tsa ditsamaiso tsa diforamo tsa setšhaba.
Direkoto tsotlhe tse di sa umakiwang mo go 1-9 fa godimo di bontshiwa mo Rejisetareng ya Difaele tse di Butsweng le Mametlelelo ya Taolo ya Direkoto. Phitlhelelo go ya ditlhokegong tsa morago e tla dirisediwa theo ya mong ka nosi.
Ga se tiro kgolo ya Kantoro ya Tona go neelana ka ditirelo kwa setšhabeng.. Ditiro tsa Kantoro e ke, le gale di atoloseditswe mafapheng a mangwe a a neelanang ka ditirelo tse di kgethegileng kwa setšhabeng. Ka jalo, e seng ka tlhamalalo Kantoro e, e thusa mafapha go neelana ka ditirelo tsa ona kwa setšhabeng. Le fa e se tirokgolo ya Kantoro ya Tona, go na le ditiro tse di dirwang tse di isang kwa tsamaisong ya tirelo kwa setšhabeng.
Kantoro ya Maemo a Batho ba Bogole (OSDP) e thusa setšhaba ka merero e e malebana le bogole le batho ba bogole mo mafelong a tiro. Kantoro ya Tona gape e laola togamaano e e kopaneng ya batho ba bogole mo Kapa Bokone, ka tirisanommogo le OSDP.
Ka Kantoro ya Maemo a Basadi, Kantoro ya Tona e khampheinela ditshwanelo tsa basadi le tekano ya bong mo Botsamaising, mmogo le setšhaba se se tlhabologileng.
Kantoro e gape e tshegetsa ka matlotlto, e a rulaganya le go tsamaisa tlhabololo ya maemo a selegae, kgaolo le POROFENSE go tsamaelana le diPHOLESE tsa kgolo ya ikonomi le tlhabololo ya motho. Ditirelo/ditiro tse di diragadiwa ke Lenaneo la Kago le Tlhabololo (RDP).
Jaaka baša e le bokamoso ba rona, Kantoro ya Tona ka Khomišene ya Baša, e tlhomamisa tiragatso ya maikaelelo le maikemisetso a a theetsweng mo Molaong wa Kgodiso ya Baša.
Gore go nolofadiwe tsamaiso ya tirelo ya bokgoni e e nonofileng, Porojeke ya Tsamaiso ya Tirelo ya Kemo Gangwe e ne ya simololwa. Seno e ne e le maiteko go dira gore setshaba se kgone ditirelo tse di tlhokang, jaaka ditirelo tsa Lefapha la Merero ya Selegae, Lefapha la Ditirelo tsa Loago le Tsweletso ya Setšhaba, Lefapha la Dipalangwa, Ditsela le Ditiro tsa Setšhaba, jljl, tsotlhe ka fa tlase ga marulelo a le mangwe mme di beelwe mo teng ga tikologo ya bona.
Bokaedi ba Tlaleleletso: Tshedimosetso ya thekenoloji gape e thusa dialogane ka nako le morago ga dithuto tsa bona ka go amogela baithuti kwa katisong ya thutelatirong ka fa teng ga yuniti.
Yuniti ya ditlhaeletsano e tlhomamisa gore baagi botlhe, go akarediwa badiredipuso, ba amogela tshedimosetso e ntsi jaaka go kgonega. Dikgopolo tsotlhe le tshedimosetso e nngwe di tshotswe mo makwalodikgannye a kgwedi le a kotara, k.g.r Lentswe le Dikgang tsa Kapa Bokone, mmogo le Webesaete ya Mmuso.
Kantoro ya Tona e tlhodile yuniti e ntšha, k.g.r Kantoro ka Ditshwanelo tsa Ngwana. Ka tlhomo ya Kantoro e, Kantoro ya Tona e tla tsweletsa le go sireletsa bana ba rona ka kgodiso ya ditshwanelo tsa bona.
Yuniti ya Tshedimosetso ya Thekenoloji (IT) e tlhomamisa gore didirisiwa tsotlhe tse di mo khomputareng mo teng ga mafapha otlhe di mo maemong a a siameng a go dira. Le fa mafapha a mangwe a na le diyuniti tsa ona tsa IT, yuniti ya IT e e fa gare, ka fa teng ga Kantoro ya Tona e tswelela go neelana ka tshegetso ya go dira le ya thennere kwa badiring. Ka go tshegetsa ditsela tsa IT, mafapha, jaaka Mafapha a Boitekanelo le Ditirelo tsa Loago le Tsweletso ya Setšhaba, a kgona go neelana ka tirelo ya bokgoni e e nonofileng kwa setšhabeng.
Yuniti ya IT e rotloeditse gape mafapha otlhe go dirisa mekgwa ya khomputara le e meša ya thekenoloji, jaaka Emeile, gore go nne tlhotlhwatlase mo tiragatsong ya ditiro. Ka se, yuniti ya IT e emiseditse fa gautshwane sefepi se le sengwe sa Emeile e e dirang go okediwa ka difepi tse di dirang tse thataro.
Yuniti e e ntse gape e thusa Mekgatlho ya Setšhaba e e farologaneng, jaaka dikolo, ka thulaganyo le tsenyo ya didirisiwa tsa khomputara. Ka go dira jalo, go tlhomamisiwa gore baithuti ba rona ba amogela thuto ya maemo a a kwa godimo le boleng.
Yuniti ya Tsweletso ya Mokgatlho e ikarabelela go aga seša mafapha go netefatsa tiriso e e feletseng ya badiri. Yuniti e gape e dira ditiro, jaaka thulaganyo ya kantoro, tsweletso ya PHOLESE, thuno ya dikgono, go neela dikao tsa ditiro, jljl. Go a gapelesega gore yuniti e e netefatse gore mafapha otlhe a dira ditiro tsa ona ka bokgoni. Ditirelo tsa yuniti e di atolositswe gape go ya kwa mekgatlhong ya setšhaba, k.g.r Bommasepala. Ka tiragatso ya tiro kgolo ya ona, tsweletso ya mokgatlho, yuiniti e e tlhomamisa gore ditirelo tse di neelwang setšhaba ke tsa boleng bo bo kwa godimo.
Yuniti ya PHOLESE le Thulaganyo e tlhomamisa gore tiragatso ya PHOLESE e a tlhokomelwa le go sekasekwa. Yuniti e e ikarabelela tiragatso ya diPHOLESE tse di farologaneng, jaaka leano la Bogole, go bofa Leano la Kgato ya Bong, go dira le go diragatsa Porojeke ya Lenaneo la Kagoleswa le Tsweletso, jljlj.
Diyuniti tsa Botsamaisi ba Metswedi ya Botho le Tsweletso ya Metswedi ya Botho di tlhomamisa gore badiri mo Kantorong ya Tona ba abilwe sentle le gore katiso e e maleba, e e tsamaisanang le Leano la Tsweletso ya Dikgono. Le fa tiragatso ya ditiro tse, e le go netefatsa gore thuso e badiri ba ba mo Kantorong ya Tona ba e tlamelang kwa mekgatlhong e mengwe ya setšhaba e nonofile, ke ya bokgoni le go nna ya boleng bo bo kwa godimo.
Ka "Kabinete kopana le Batho" le "Kabinete e kopana le mananeo a Baša", Khansele ya Phetiso e amogela ditshwaelo le Kopano e e ka tlhotlheletsang go bopiwa ga PHOLESE kana tiragatso ya ditiro tsa bona. Go feta fa, tshwetso ya go dira ya Khasele ya Phetiso e magareng ga tse dingwe e itsisiwe le go kaediwa ke ditlhokego tsa baagi tse di tlhagisiwang ka nako ya dintlha tsa kopano, di beilwe ka tatelano ya setlhokwa segolo.
Fa Motlhankedi wa Tshedimosetso a ka gana ka phitlhelelo kwa rekotong efe e e tshotsweng ke Naga kana Mokgatlho wa Setšhaba, motho yo o kopang tshedimosetso o tshwanelwa ke go ikuela tshwetso.. Go tsamaisana le se, fa phitlhelelo e ka rebolelwa rekoto e e amang lekoko la boraro, lekoko leo la boraro le lona le tshwanelwa ke go ikuela tshwetso. Boikuelo bo tla thadisiwa ke Bothati bo bo Maleba. Bothati bo bo Maleba bo tla sekaseka kopo le rekoto go ya ka ditlhaloso tsa Molao 2000, wa Kgodiso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso.
Fa go ka fitlhelwa gore kopo e ne ya ganwa ka phoso, Bothati bo bo Maleba bo tla busetsa morago tshwetso ya pele ya Motlhankedi wa Tshedimosetso le go neelana ka phitlhelelo kwa rekotong. Mokopi o tla itsisiwe jaanong ka tshwetso le madi a a tlhokegang a a dumelelwang tlhagiso ya rekoto kana karolo ya seo.
Mo lebakeng la gore Bothati bo bo Maleba bo tshegetsa tshwetso ya Mothankedi wa Tshedimosetso gore a se neele phitlhelelo kwa rekotong, mokopi o tla itsisiwe ka tshwetso. Mokopi o tla itsisiwe gape ka diphekolo tse di latelang.
Fale diphekolo tsotlhe tsa boikuelo ba ka fa gare, jaaka di lemogilwe ke Mokgatlho wa Setšhaba, di tlhobogilwe, mokopi o na le tshwanelo go ikuela kwa kgotlatshekelo..
Bo tshwanetse go diriwa mo foromong e e tlhalositsweng (jaaka e tlhagisitswe ke Mokgatlho wa Setšhaba) mo malatsing a le 60 le ale 30 a boikuelo ba lekoko la boraro.
Bo tshwanetse go romelwa kana go isiwa kwa Motlhankeding wa Tshedimosetso wa mokgatlho o o amegang wa setšhaba kwa dintlheng tsa kgolagano tsa gagwe.
Bo tshwanetse go bontsha setlhogo sa boikuelo ba ka fa gare.
Bo tshwanetse go neela mabaka a boikuelo ba ka fa gare.
Bo ka tsenyeletsa tshedimosetso e nngwe efe gape e e itsiweng ke moikuedi.
Fa, mo tlaleletsong ya karabo e e kwadilweng, moikuedi a tshwanetse go tlhagisa ka fao a eletsang go itsisiwe le dintIha tse dingwe tse di maleba go itsisiwe jalo.
Fa e le gore go ka nna le madi a boikuelo, madi a a tshwanetse go tshwaragana le boikuelo bo bo kwadilweng go ya Motlhankeding wa Tshedimosetso. Madi a boikuelo a a tlhalositsweng, fa a le teng, a tshwanetse go duelwa. Fa go ka diragala gore boikuelo bo se duelwe, tshwetso mo boikuelong e ka nna ya faposiwa go fitlha nako e madi a duetsweng.
Boikuelo bo bo kwadilweng bo tshwanetse go tlhalosa aterese ya poso kana nomoro ya fekese.
Fa boikuelo bo tsentswe morago ga nako e e fedileng, k.g.r malatsi a le 60 / 30, Bothati bo bo Maleba bo tshwanetse, mo lebakeng le le siameng le le bontshitsweng, bo dumelele go tsenngwa thari ga boikuelo ba ka fa gare. Fa bothati bo bo maleba bo ka se dumelele go tsenngwa thari ga boikuelo ba ka fa gare, bo tshwanetse go neela kitsiso kwa mothong yo o tsentseng boikuelo ba ka fa gare.
Dintlha tsa kgolagano tsa lekoko la boraro lefe le le tshwanetseng go itsisiwe.
Fa Bothati bo bo Maleba bo sekaseka boikuelo ba ka fa gare kgatlhanong le kgano ya kopo ya phitlhelelo kwa rekotong e e amang lekoko la boraro, Bothati bo bo Maleba bo tshwanetse go itsise lekoko la boraro ka boikuelo ba ka fa gare, kwa ntle le fa dikgato tsotlhe go fitlhelela lekoko la boraro di paletswe. Mo lebakeng la fa lekoko la boraro le tshwanetse go dumelelwa go dira dikemedi tsa mokwalo/molomo.
Fa lekoko la boraro le ka bo le sa fitlhelelwe, ntlha ya gore lekoko le boraro ga le a nna le tšhono ya go dira kemedi, ke lebaka leo boikuelo ba ka fa gare bo tshwanetseng go kgapelwa thoko.
Bothati bo bo maleba bo ka nna ba gatisetsa tshwetso ya pele kana bo ka nna ba ntsha tshwetso e ntšha. Tshwetso mo boikuelong ba ka fa gare e tshwanetse go dirwa mo malatsing a le 30 morago ga kamogelo ya boikuelo ba ka fa gare. Ka bonako morago ga tshwetso e dirilwe, Bothati bo bo maleba bo tshwanetse go neela kitsiso kwa moikueding, lekoko lengwe le lengwe la boraro le mokopi mme go fitlha fa go kgonegang go itsisiwe moikuedi ka mokgwa o o neng wa kopiwa.
Go bolelwe gore mekgatlho e e amegang, k.g.r moikuedi, lekoko la boraro, jljl. Ba ka tsenya kopo le kgotlatshekelo kgatlhanong le tshwetso mo boikuelong ba ka fa gare mo malatsing a le 60 kana 30 (lekoko la boraro).
Mo boitlhobogong ba ditsamaiso tsotlhe tsa boikuelo ba ka fa gare, mokopi o na le tshwanelo go fitlhelela kgotlatshekelo go ikuela pele.
KURANTA YA NAGA, 15 TLHAKOLE 2002 No.
Nomoro ya Tshupetso...
Kopo e amogetswe ke...
neela renke, leina le sefane sa motlhankedi wa tshedimosetso / motlatsa motlhankedi wa tshedimosetso ka di letlha kwa ... lefelo.
Madi a kopo (fa a le teng) : R...
Depositi (fa di le teng) : R...
Madi a phitlhelelo : R...
KURANTA YA MMUSO, 15 TLHAKOLE 2002 No.
C. Dintlha tsa rekoto a Tlamela dintlha ka botlalo tsa rekoto e phitlhelelo e kopiwang go yona, go tsenyeletsa nomoro ya tshupetso fa e itsege, go kgontsha rekoto go bonwa.
b Fa lefelo le le tlametsweng le sa lekana, tsweetswee tswelela mo foliong e e sa tshwaraganang o be o e tshwaraganya le foromo e. Mokopi o tshwanetse go saena difolio tsotlhe tsa tlaleletso.
Tlhaloso ya rekoto kana karolo e e maleba ya rekoto...
Nomoro ya tshupetso, fa e le teng:...
Dintlha dife tsa tsweletso tsa rekoto...
E. Madi a Kopo ya phitlhelelo kwa rekotong, go na le le rekoto e e tshotseng tshedimosetso ya sebele ka wena, e tla dirwa fela morago ga fa madi a duetswe.
b O tla itsisiwe ka bonako bo bo tlhokegang ka bokana jo bo duelwang jaaka madi a kopo.
c Madi a a duelelwang phitlhelelo kwa rekotong a ikaegile ka foromo e mo go yona phitlhelelo e tlhokegang le nako e e utlwalang e e tlhokegang go batla le go siamisa rekoto.
d Fa o dumelelwa kgololo ya tuelo ya madi afe kana afe, tsweetswee neela lebaka la kgololo.
Lebaka la kgololo go tswa tuelong ya madi...
KURANTA YA NAGA, 15 TLHAKOLE 2002 No.
Fa o kopile khophi kana kwalololo ya rekoto (fa godimo) a o eletsa gore khopi kana kwalololo e romelwe kwa go wena?
Madi a go posa a a duelwa.
Tlhokomela gore fa rekoto e se teng ka puo e o e ratang, phitlhelelo e ka nna ya rebolwa mo puong e rekoto e leng teng.
O ka eletsa rekoto ka puo efe..?
G. Kitsiso ya tshwetso malebana le kopo ya phitlhelelo.
O tla itsisiwe ka go kwalelwa fa kopo ya gago e rebotswe/gannwe. Fa o eletsa go itsisiwe ka mokgwa o mongwe, tsweetswee totobatsa mokgwa mme o tlamele dintlha tse di tlhokegang go kgontsha go dumalana le kopo.
O ka eletsa go itsisiwe jang ka tshwetso malebana le kopo ya gago ya phitlhelelo kwa rekotong..?
E saennwe kwa ka di ... letsatsi la ... 20...
Kgodiso ya tlhaeletsano e e nonofileng ya kwa ntle le ka fa gare.
Go tlamela ka Botsamaisi ba Metswedi ya Setho.
Go tsamaisa diphasalatso tsa ka fa gare le ditirelo.
Go tsamaisa ditirelo tsa borutapuo.
x Motsamaisi x Mokweledi x Motlatsa Mokaedi x Batlatsa Mokaedi x Motlhankedi Mogolo wa Puo x Thekenešiene ya Intaseteriale 7x Batlhankedi ba tlhaeletswe.
Go neelana ka ditirelo tsa tshegetso tsa kantoro.
Go tswelediwa ga dipholese tsa ka fa gare.
Go tlamela ka katiso.
Go dira tshekatsheko ya ditlhokego malebana le kabelo ya ditiro le ditsamaiso tsa tiro.
Go tswelediwa ga dipholese tsa ka fa gare.
Go bala ditshenyegelo tsa ditirelo tse dirilweng.
Tlhomamiso ya dipholesi tsa tshireletso le boemo ba kapa Bokone.
Bogokaganyi le Popego ya Mmuso wa Bosetšhaba.
Go gakola maloko a khansele ya phetiso le Ditlhogo tsa Mafapha ka merero yotlhe e e amanang le tshireletso.
ditirelo tsa morongwa batho ba ba kgweetsang ditirelo tsa teye x Motlatsa Mokaedi x Motlhankedi wa Tsamaiso x Tllereke ya Rejisetere x Tlelereke ya Rejisetere x Modiri wa Thelekomo x Tsamaiso ya Ditirelo tsa Dijo x Morongwa x Modiri wa metšhine.
Go neelana ka pholese, patlisiso, tlhokomelo le ditirelo tsa Phetogo ya Tona.
Go tsweletsa le go sireletsa bana ka kgodiso ya ditshwanelo tsa bona.
Go tsamaisa tlhagelelo ya mananeo a a tswelelang a porofensi mo kantorong; thuto ya boitekanelo; katiso ya dikgono; tlholego ya ditiro le tirisanommogo mo metshamekong; mafapha a mmuso, di-NGO le di-CBD, Kgwebo le bodiri.
Kgodiso ya ditshono tse di lekanang tsa batho ba bogole.
Go neelana ka Ditirelo tsa Tshedimosetso ya Thekenoloji.
Neelano ka tirelo ya tsamaiso ya setshaba e e nonofileng.
Neelano ka tirelo ya tshegetso ya bodiri go Tona.
Go tlhoma dikamano tse di utlwalang tsa tirisano le lefapha..
Go neelana ka merero ya kgakololo ya bong kwa go bo-Tona LE Ditlhogo tsa Mafapha.
Go dirwa ga patlisiso.
Kgokagano le dipopego tsa bosetshaba.
Kgokagano le deseke ya bong mo mafapheng.
Tshireletso le go bua ditshwanelo tsa bana.
Tlhamo ya pholese go dikologa tlhabololo ya bana le tshireletso ya ditshwanello tsa bona.
Go tlhokomela le go kaela tiragatso ya pholese e e boletsweng fa godimo.
Tsweletso le tiragatso ya togamaano ya tlhaeletsano.
Tshegetso ya theo ya data ya porofense le mokgwa wa botsamaisi ba tshedimosetso.
Kgodiso ya tsweletso ya baša ka go kopanya thulaganyo ya tsweletso ya baša le mmuso.
Tsweletso ya kgwebo magareng ga batho ba baša.
Go tlhola tlhokomediso mo tirisong botlhaswa ya sere.
Go tlhomamisa gore batho ba basa ba tlhaloganya le go amega mo khapheineng go tsweletsa temokerasi.
Go tsweletsa maitshimololelo a a siameng kwa go humiseng setso le go abelana magareng ga batho ba baša.
Go gakolola mafapha ka merero ya bogole.
Go batlisisa le go tlhama dipholese tsa bogole.
Tsweletso le tshegetso ya ditogamaano tsa go godisa le go begela.
Tshegetso ya theo ya data le mekgwa ya tsamaiso ya tshedimosetso yotlhe.
Go tlamela mekgwa ya botsamaisi.
Tlhomo ya mananeo a khomputara.
Go neelana ka data ya thekenoloji.
Go tlhomamisa dipholesi le maemo a a amanang le ditiro tsa thekenoloji.
Go diragadiwa ga patlisiso le Tsweletso.
Tiragatso ya Mmuso.
Tiro ya Motlankedi Mogolo wa Thekenoloji.
Tiriso ya mafelo a Tirelo ya Kemo Gangwe.
Go golagana le baagi le bannaleseabe.
Katiso ya badiri.
Tlhokomelo ya boleng ba tsamaiso ya tirelo.
Go lomaganya gape le tshekatsheko ya tirego ya tirelo.
Go neelana ka ditirelo tsa tlaleletso.
Go laola tayari ya Tona.
Go kwala dipuo tsa Tona.
Go neelana ka ditirelo tsa keletso go Tona.
Go rulaganya dikamano magareng gakantoro ya Tona le mmuso wa bogareng.
Go rulaganya le tshekatsheki ya dikamano tsa porofense.
Go rulaganya dikamano le mebuso ya kwa ntle le baemedi.
Go tlamela kaelo ya togamaano kwa kantorong ya taelo phetiso.
Go neelana ka tshegetso kwa khanseleng ya phetiso le dikomiti tsa teng tsa setlhopha.
Go gokagana le batsayakarolo botlhe.
Go rulaganya tlhokomelo le go thusa ka tlhabololo ya pholese.
Go neelana ka thueo malebana le paakanyo ya dipholesi tsa peomolao le ditshisinyo tsa mananeo mmogo le thulaganyo (thadiso le thebolo) ya ditshisinyotse di ša kana mametlelelo ya molao.
Go tlamela ka tshegetso ya tsamaiso kwa go Mokaedi Kakaretso.
Go dira patlisiso.
Go tlamela tshegetso ya tsamaiso kwaTlhogong ya Lefapha.
Go neelana ka tshweletso ya tsamaiso le tshegetso.
DITIRO: 1. Tsamaisa le go tlhokomela diporojeke tse di kgethegileng.
Go kagana le, le go thusa Botsamaisi ba Kabinete sk. Kabinete e kopana le Batho le Dipontsho tsa Tsela tsa Tona.
Go tsamaisa Diporojeke tsa RDP.
Go kgobakanya tshedimosetso yotlhe e e maleba/dipalopalo.
Go tswelediwa ga motheo wa data.
Go rulaganya ga Tekanyetso ya Bouto.
Tsamaiso ya Matlotlo a Bouto le kgakololo malebana le ditshenyegelo tsa kgwedi.
Bogokaganyi le Ramatlotlo mo boemong ba kantoro ya Tona.
Paakanyo ya tekanyetso kabo ya ngwaga go tlhagisiwa fa pele ga komiti e e emeng.
Tsamaiso ya Thennere le merero e e amanang.
Thulaganyo ya Dipalangwa tsa GG.
Tlhomo ya batlhatlhobi mo mafapheng otlhe.
Go neelana ka kgakololo kwa go Mokaedi Kakaretso.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Tekatekano go botlhe 1.txt</fn>
Tekatekano go botlhe!
Setlhogo sa 1: Batho ba Aforika Borwa, a lo a itse gore Molaotheo o tshola mongwe le mongwe ka go lekana?
Tshwanelo ya tekatekano e tlhagelela mo Karolong ya bo 9 ya Molaotheo wa rona. Tshwanelo e, e amogela gore rotlhe re a farologana le gore ga re a tshwanelwa go kgethololwa ka ntlha ya dipharologano tsa rona.
Se se raya gore mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go tsholwa ka tlotlo le ka seriti ke mongwe le mongwe le puso.
Molao wa Thotloetso ya Tekatekano le Thibelo ya Kgethololo e e sa Siamang o ne wa fetisiwa ka 2000 go netefatsa fa tekatekano e fitlhelelwa. Gape o ikaelela go thibela kgethololo e e sa siamang e e ikaegileng ka lebaka le le lengwe kgotsa a le mantsi, go akaretsa bong, lotso le bogole.
Setlhogo sa bo 2: Mo temokerasing, rotlhe re na le tiro le maikarabelo a go tlotla ditshwanelo tsa ba bangwe. Rotlhe a re dirisaneng go rotloetsa tekatekano le go lwantsha kgethololo e e sa siamang.
Setlhogo sa bo 3: Maikaelelo a Molao ke eng?
thibela kgthololo e e sa siamang le tiriso ya puo ya letlhoo le tshotlo; le rotloetsa mowa wa temokerasi.
Setlhogo sa bo 4: Kgethololo ke eng?
Kgethololo ke tiro kgotsa tlwaelo e e farologanyang batho kgotsa ditlhopha e bile e gatelela ba bangwe fa ba bangwe e ba tswela mosola.
Nako e nngwe kgethololo e ka nna e e siameng. Kgethololo e e siameng ke kgato e e amogelesegang e e kganelang batho ditšhono kgotsa dithuso, sekao go se thape sefofu go nna mokgweetsi.
Kgethololo e e sa siamang, ka fa letlhakoreng le lengwe, ga e amogelesege: sekao, go se thape motho ka ntlha ya maemo a gagwe a HIV/Aids.
Setlhogo sa bo 5: Puo ya letlhoo le tshotlo ke eng?
Puo ya letlhoo ke mofuta mongwe le mongwe wa tlhaeletsano o o ikaelelang go utlwisa botlhoko, go tlhola kotsi kgotsa go rotloetsa letlhoo.
Tshotlo ke maitsholo mangwe le mangwe a a tswelelang pele a a sa batlegeng a a tlholang maikutlo a kutlobotlhoko kgotsa a go tshosetsa a a amanang le bong jwa motho, tsa lorato kgotsa botokololo.
Setlhogo sa bo 6: Ke kwa kae kwa ke ka yang kwa teng fa ke akanya gore ke a kgethololwa?
Mongwe le mongwe yo o akanyang gore o kgetholotswe e ka bona Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa, Khomišene e e ka ga Bong kgotsa nngwe ya Dikgotla tsa Tekatekano mo lefelong la bona.
Setlhogo sa bo 7: Dikgotla tsa Tekatekano ke eng?
Tsona ke dikgotla tse di kgethegileng tse di leng teng go thusa batho ba ba kgetholotsweng mo go sa siamang.
Dikgotlakgolo tsotlhe le Dikgotla di le dintsi tsa Bomagiseterata di ka dira jaaka Dikgotla tsa Tekatekano.
Ga di duedise.
Di samagana le merero ya gago ka bonako le ka mo go sa tlwaelegang.
O ka nna wa emelwa ke mongwe fela le fa motho yoo e se mmueledi.
Di na le ditlelereke tsa Kgotla ya Tekatekano tse di yang go go thusa malebana le ngongorego ya gago le dithulaganyo.
SAHRC e ka go thusa jang?
SAHRC ke setheo sa bosetšhaba se se dirang ka go ikemela go rotloetsa, go sireletsa le go tlhokomela ditshwanelo tsa botho mo Aforika Borwa.
Fa o batla go itse go le gontsi ka ga tshwanelo ya gago ya tekatekano, ikgolaganye le Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa.
Fa o akanya gore o motswasetlhabelo sa kgethololo e e sa siamang, ikgolaganye le Lefapha la Ditirelo tsa Semolao la SAHRC, le le yang go batlisisa ngongorego ya gago.
Itse ditshwanelo tsa gago.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Thebolelo ya Thapo.txt</fn>
O tlhokiwa ka jalo, fa o ntse o direla, go dira ditiro tse di amanang le thapo e ka go ineela le manontlhotlho go ya ka Molao o o boletsweng le Melawana, go neela tlotlo e e maleba le kobamelo go bagolwane ba gago mme ka nako tsotlhe go tlhola sekao se sentle kwa go le go kaela baobamedi ba gago ka tlhomamo e e golang, tlhokomelo le tshiamo.
Ka seno ke rolela godimo ga gago Khomišene mo Masoleng a Tshireletso a Bosetšhaba a Aforika Borwa le go go, laolela mo leineng la Repaboleki ya Aforika Borwa go direla naga ya gago jaaka motlhankedi ka boikanyego, bopelokgale, seriti le tlotlego: go dira ditiro tsa gago le maikarabelo ka tlhoafelo le manontlhotlho le go tlhoma se sentle go bao ba ba beilweng ka fa tlase ga taolo ya gago.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Thuso ya DitÜhelete go Balemirui.txt</fn>
Goreng puso e neelana ka thuso?
Tona ya Merero ya Metsi le jalo ya Dikgwa e batla go netefatsa gore mongwe le mongwe o fitlhelela metsi a a lekaneng; gore manoso a rona a a sirelediwa, a a dirisiwa, a a tlhabololwa, a a somarelwa, a a tsamaisiwa le go laolwa ka mokgwa o o tswelelang le o o siameng; le gore metsi a abelwa gape go tsweletsa baagi ba mo nakong e e fetileng ba neng ba kgaphetswe kwa thoko. Ka ntlha ya lebaka le, puso e neelana ka thuso go balemirui ba nosetso ba ba nang le didirisiwa tse di bokoa.
Go ya ka Dikarolo 61 le 62 tsa Molao wa Bosetšhaba wa Metsi (NWA) (No. 36 wa 1998), Lefapha le tlhagisitse pholisi e e kgontshang thuso ya ditšhelete go balemirui ba ba nang le didirisiwa tse di bokoa, malebana le tlhabololo ya tiriso ya metsi a temothuo. Se se ya go netefatsa tlhabololo e e siameng ya dikgato tsa selegae tsa tiriso ya metsi a temothuo ke balemirui ba ba nang le didirisiwa tse di bokoa.
Ke thuso efe ya ditšhelete e e neelwang?
Thuso e ya ditšhelete e neelwa ka mokgwa wa kabelo kgotsa wa ketleetso.
Ke mang yo o ka bonang thuso go tswa mo thusong ya ditšhelete ya DWAF?
a tswa kwa setlhopheng sa lotso se mo nakong e e fetileng se neng se kgaphetswe kwa thoko; gape leloko la Mokgatlho wa Badirisi ba Metsi (WUA) kgotsa setheo sengwe le sengwe sa semolao se se dumeletsweng ke DWAF (Se ke go netefatsa gore o na le thuso ya setegeniki ya go laola metsi a gagwe sentle).
Malebana le diforomo tsa kopo kgotsa tshedimosetso go ya pele mabapi le ka moo o ka dirang kopo ya thuso e ya ditšhelete, ikgolaganye le kantoro ya lona ya selegae ya DWAF kgotsa dirisa websaete e: www.dwaf.gov.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Tirelo ya Dipuo tsa BosetÜhaba.txt</fn>
Tirelo ya Dipuo tsa Bosetšhaba e rotloetsa le go bebofatsa tlhaeletsano ka dipuo. Go tshegetsa ditlhokego tsa Molaotheo, Tirelo ya Dipuo Bosetšhaba (NLS) e laola dipuo tse di farologaneng tsa setšhaba sa rona, e bile e rwele maikarabelo a go tlhokomela dipuo tsotlhe tsa batho ba rona ka go tsenya tirisong dipholisi tse di ikaeletseng go tsweletsa tiriso ya dipuo tse, gammogo le dipuo tse pele di neng di ikgatolositswe.
Tirokgolo ya NLS ke go fitlhelela ditlhokego tsa Molaotheo ka go bebofatsa, go tsweletsa le go tlamela tirelo ya bofetoledi le botseleganyi ka dipuo tsotlhe tsa semmuso, le go laola dipuo tse di farologaneng ka diporojeke tsa thulaganyo ya puo le tsa mareo.
NLS e dira jaaka thulaganyo ya porofešenale ya Mmuso ya tshegetso ya puo ka go fetolela dikwalo tsa semmuso ka dipuo tsotlhe tsa semmuso. Tirelo ya yona ya mareo e thusa ka go tlhabolola le go tokafatsa tlotlofoko ya setegeniki ya dipuo tsa semmuso. Ditiro tsa thulaganyo ya puo di akaretsa go eletsa Mmuso ka ga tlhabololo ya pholisi ya puo le maano a tiragatso.
Tiro ya botlhokwa ya Bokaedipotlana jwa Thulaganyo ya Puo ya Tirelo ya Dipuo tsa Bosetšhaba (NLS) ke go tsweletsa tiriso ya dipuo tse dintsi le go rotloetsa tlotlo ya dipuo tsotlhe tsa Aforika Borwa. Ka ntlha ya gore thulaganyo ya puo mo Aforika Borwa e diragala ka fa tlase ga kagosešwa ya setšhaba, go tlhokometswe thata dipuo tse pele di neng di ikgatolositswe.
Tlhabololo ya pholisi ya puo ka go loga maano, mekgwa, ditsela le didiriswa tsa tiragatso ya teng.
Tiragatso ya pholisi ya puo ka go tlamela (i) tshiamelo le boitseanape le (ii) thotloetso ya tiriso ya dipuo tsa Aforika Borwa.
Bokaedipotlana jwa Thulaganyo ya Puo bo tlhomilwe ka Phatwe 1993 go eletsa mmuso ka ga tlhabololo le tiragatso ya pholisi ka ga dintlha tsa puo go ya ka karolo 6 ya Molaotheo. Go gateletswe thata botlhokabofitlha le go nna le seabe ka botlalo ga beng mo dithulaganyong tse. Tiro ya ntlha e kgolo ya Bokaedipotlana e ne e le go tlhokomela thulaganyo e telele ya go tlhomiwa ga Lekgotla la Dipuo Tsotlhe Tsa Aforika Borwa (Pansalb). Thulaganyo e simolotse ka 1994 ka khonferense ya pulamadibogo, Khonferense ya Dipuo tsa Botlhe (Languages for All Conference), e e setsweng morago ke tlhatlhamano ya ditheetso tsa setšhaba mo nageng ka bophara, mme ya khutla ka go kwalwa ga Molaotlhomo wa Lekgotla la Dipuo Tsotlhe Tsa Aforika Borwa ka 1995. Lekgotla la Dipuo Tsotlhe Tsa Aforika Borwa le theilwe ka 1996.
Tlhabololo ya pholisi le Thulaganyo ya Puo ya Aforika Borwa e simolotse ka 1995 ka go supiwa ga Setlhopha sa Tiro sa Puo (LANGTAG) go eletsa Tona ya Botsweretshi, Setso, Saense le Thekenoloji ka ga pholisi ya puo. Morago ga ditherisano tse di tseneletseng go ralala naga, go ne ga nna le dingangisano ka ga pegelo ya LANGTAG kwa khonferenseng e kgolo ya bosetšhaba ka la 29 Seetebosigo 1996 pele go gololowa pegelo ya makagaolakgang ka Phatwe 1996.
Morago ga ditherisano le dipatlisiso tse di tsweletseng go ne ga kwalwa Thulaganyo ya Pholisi le Puo ya Aforika Borwa e e ikaegileng ka dikatlanegiso tsa Langtag. Ka Sedimonthole 1999 Tona o ne a supa Setlhopha sa Keletso go rulaganya pegelo ya makgaolakgang e e neng ya neelwa beng botlhe kwa Kopanong ya puo (Language Indaba) ka Mopitlwe 2000. Go latela ditshwaelo tsa banna le seabe kwa kopanong, Setlhopha sa Keletso se ne sa sekaseka Thulaganyo ya Pholisi le Puo ya Aforika Borwa.
Thulaganyo ya pholisi ya Puo ya Aforika Borwa e ne ya neelwa Komiti ya kabinete tebang le Karolo ya Loago ka la 13 Lwetse 2000. Komiti e ne ya atlanegisa gore go neelwe lokwalo lwa dipuisano go ya pele ka ga ntlha e, go lebeletswe dintlha tsa botlhokwa tsa naga le ditlamorago tsa ditšhelete ka bophara.
Go latela dikatlanegiso tse go ne ga dirwa dipatlisiso tse di tseneletseng mo mafapheng a mmuso wa bosetšhaba le diporofense go tlhomamisa maemo a mafaratlhatlha a a leng teng a dipuo. Tekanyetso ya ditshenyegelo ya pholisi e e tshisintsweng e tshwaraganetswe le Letlotlo la Bosetšhaba.
Porojeke e ke nngwe ya maano a tiragatso a pholisi e e tshisintsweng. Maparego a puo a santse a kgoreletsa maAforika Borwa, segolo ba ba buang dipuo tsa seAforika go bona ditirelo tsa mmuso ka go lekalekana. Tirelo ya boranoledi ka mogala mo Aforika Borwa e ka kgontsha mongwe le mongwe go ikgolaganya le bathati ka puo ya gaabo, sekai, mo mafelong a a tshwanang le maokelo, diteišene tsa sepodisi le diofisi tsa mmuso. Tirelo ya tekelelo e lebeletswe ka 2000/2001 kwa mafelong a a tlhophilweng diura di le 12 ka letsatsi, go simolola ka 07:00 go fitlha ka 19:00, malatsi a le marataro ka beke.
Porojeke e ke tiro e e tshwaraganetsweng le PANSALB go bebofatsa tlhabololo le tiriso ya dipuo tsa Aforika Borwa. Leano la lephata la Human Language Technologies (HLT) le botlhokwa go lepalepana le tiro ya dipatlisiso le go tlhama bokgoni jwa dipuo tsotlhe tsa Aforika Borwa. Komiti ya dipaakanyetso e ne ya tlhomiwa go rulaganya lokwalo lwa togamaano lo lo tla tlamelang ka maano a tiragatso a go tlhomiwa ga intaseteri e e tsweletseng ya HLT tebang le go tsweletsa dipuo tsa Aforika Borwa.
netefatsa gore baagi botlhe ba tlhaloganya ditshwanelo tsa bone tsa molaotheo mabapi le puo; le tsweletsa tiriso ya dipuo tse dintsi gore maAforika Borwa a bone tiriso ya dipuo tse dintsi jaaka sediriswa se se botlhokwa.
Karolo ya Ntlha ya letsholo e lebile thata Bodiredipuso mme Karolo ya Bobedi e lebile setšhaba ka kakaretso. Dikumo tsa letsholo le e nnile dikhalentara tsa tiriso ya dipuo tse dintsi, dipapetla, Ditsala tsa Tumediso (ka dipolelwana tsa tumediso ka dipuo di le 11) le bidiyo, Loleme lwa ga Mme, tse di neng di dirisiwa kwa dithutanong.
Ga jaana UNESCO e tshwaragane le go rulaganya Pegelo ya Dipuo tsa Lefatshe e e ikaeletseng go tlhalosa mefutafuta ya dipuo tsa lefatshe, e ithuta diphetogo le maemo a jaanong a dipuo, le go tlhalosa mathata a a di amang mo dikgaolong tse di farologaneng tsa lefatshe. Ka pegelo e, UNESCO e batla go bontsha botlhokwa jwa tsamaiso e e lolameng ya boswa jwa lefatshe jwa dipuo.
UNESCO e ne ya ikgolaganya le Tirelo ya Dipuo ya Bosetšhaba go nna le seabe mo dipatlisisong go kokoanya tshedimosetso ya pegelo ka ga dipuo tsotlhe tsa semmuso gammogo le dipuo tsa Aforika Borwa tsa Khoe, San le Nama. Ka ntata ya go tlhokega ga kitso e e tseneletseng ya dipuo tse tebang le tshekatsheko, dipotsopatlisiso di ne tsa romelwa kwa go baitseanape ba dipuo go tlamela tshedimosetso.
Go ne ga bonwa letlotlo la tshedimosetso ka ga dintlha tse di farologaneng ka ga dipuo tsa Aforika Borwa, jaaka tshedimosetso ya mafelo, dipharologano, palo ya batho ba ba buang puo nngwe le nngwe, tshedimosetso ka ga khudugo, tiro ya ekonomi tsa morafe mongwe le mongwe, mekgwa ya puo, mekgatlho e e rweleng maikarabelo a pholisi le thulaganyo ya puo tebang le puo nngwe le nngwe le bokwadi.
Pegelo UNESCO ya Dipuo tsa Lefatshe e tla phasaladiwa ka 2001, mme e tla neelana ka motseletsele wa dikatlanegiso tsa tshomarelo le tsweletso ya boswa jwa dipuo jwa batho.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa.txt</fn>
thibela ditiro tsotlhe tse di ka tsenyang tshireletsego kgotsa pabalesego ya setšhaba sengwe le sengwe mo kotsing; le batlisisa maitsholo a bosenyi a a ka tsenyang tshireletsego kgotsa pabalesego 8.
akanyetsa ditlhokego tsa setšhaba amogela ditlhokego tsa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa jaaka mothapi wa me; le dirisana le ditlhopha tse di nang le kgatlhego mo setšhabeng le mmuso mo maemong otlhe.
dirisa dithata tse ke di neetsweng ka mokgwa wa maikarabelo o o laolegang; le go direla go thibela mokgwa mongwe le mongwe wa bobodu le go lere disenyi mo molaong.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Tirelokgaso.txt</fn>
Kgaso e na le seabe se se tshwanang se le nosi mo tlhabololong ya naga ya rona. Lephata la tirelokgaso le fitlhelela batho ba ba kgaphetsweng kwa thoko le ba ba amogilweng dithata: bogolosegolo basadi, bašwa, digole, ba ba sa rutegang, baagi ba kwa dikgaolong tsa magae, e bile e tshwaela thata fa go rulaganngwa lenaane la tlhabololo le motswedi wa kitso kwa dikgaolong tseo.
Go lepalepana le kgwetlho ya diphetogo tsa mafaratlhatlha a thekenoloji le go tsamaelana le diphetogo tsa lefatshe ka bophara jaaka di ama lephata.
Go fitlheletswe katlege e e bonalang mo kabong ya ditirelo, bareetsi ba bangwe ba Aforika Borwa ba le 1,5-dimilione ba ne ba simolola go itumelela ditirelo tsa kgaso tsa radio lwa ntlha. Dikai di le mmalwa ke tsa Ukhozi Radio, tirelo ya Zulu Radio tse di fitlhelletseng bareetsi ba bantšhwa ba le 695 000 mo morafeng o le mongwe, Thobela FM le Ikwekwezi FM tse di fitlhelletseng bareetsi ba bantšhwa ba le 435 000 kwa Kwaggafontein le bareetsi ba bangwe ba bantšhwa ba le 180 000 kwa Tolwe.
Rona ba ba "lesego" go tshelela mo dikgaolong tsa ditoropo re setse re tlwaetse medumo ya maemo a a kwa godimo le e e phepa ya ditirelo tsa FM. Baagi ba Aforika Borwa ba le dimilione di 1,5 ba simolotse go itumelela tirelo ya thekenoloji e lwa ntlha, le fa tota Aforika Borwa e akgolelwa go nna matlhagola tsela wa ditirelo tsa FM fa e sale kwa tshimologong ya dingwaga tsa bo-30 mo ngwagengkgolo o o fetileng.
Mo maikaelelong a go tsholetsa seabe sa ditirelo tsa kgaso le go tokafatsa matshelo a Ma-Aforika Borwa, Lefapha le tshwaraganetse morero o, le Makala a Kgaso ya Setšhaba go netefatsa gore go rulaganngwa mananeo a diteng tse di siametseng maemo a rona.
Ma-Aforika Borwa otlhe a na le tshwanelo e e tletseng ya go fitlhelela tshedimosetso. Go tlaleletsa se, Tshwanelo ya Phitlhelelo ya Tlhaeletsano ke tshwanelo ya botho lefatshe ka bophara, tse di mosola e bile tse di tlaleletsang mo ditshwanelong tsotlhe tsa botho, e e tshwanetseng go somarelwa le go atolosiwa go tsamaelana le thekenoloji ya tshedimosetso le ya tlhaeletsano e e fetogang le go tokafala ka bonako jwa ponyo ya leitlho. Ka jalo tlhaeletsano ya setšhaba e neela baagi dithata tsa sedirisiwa se se ka dirisediwang go golagana ka bobone le go golagana lefatshe ka kakaretso le go rulaganya maitlhomo a maikaelelo, go supetsa ba ba tlhamang maitlhomo ao tsela ka ditherisano ka go tlhagisa maikutlo a setšhaba.
Mo nageng ya rona, tirelokgaso ya setšhaba e tlamela thulaganyo ya mmatota ya go farologanya bong jwa thoto le taolo ya bobegakgang. Maatla a tirelokgaso ya setšhaba a mo go buleleng baagi dikgoro tsa yone gore ba nne le seabe mo go tsona, mme ka se, go senolwe le go tlhabolola talente, go rotloetsa le go upulola mo pepeneneng setso sa fa gae, mekgwa le boitshupo, tse di tshwaelang mo tlhabololong ya metswedi ya badiri ba mo mererong ya kgaso le madirelo a a tsamaelanang le yona, mme kwa bofelong di nne le seabe mo go ribololeng mantswe le dikakanyo tse di farologaneng.
Go tswelediwa pele ga lephataq le kwa dikgaolong tsa magae go ikaegile mo tlhokegong ya mafaratlhatlheng a botlhokwa a a tshwanang le ditlhaeletsano-kgakala, ditsela, kabo ya motlakase le metsi, mo gare ga tse dingwe. Ka maano a a tshwaragantsweng a tlhabololo e e tswelediwang ya dikgaolo tsa magae, puso e tsaya matsapa a go abela baagi ba ditirelo. Maikaelelo magolo kwa bofelong ke go tokafatsa matshelo a batho botlhe ka botlalo.
Lefapha la Tlhaeletsano le theile motheo wa go atolosa tiro ya mo lekaleng le ka go tsholetsa bokgoni jwa diteišene jwa go loga maano le go rulaganya mananeo a diteng, tse di tla golaganyang mekgatlho ya baagi, mekgatlho e e seng ya puso le bomankge ba baitseanape ba merero ya go abela basadi, bašwa, bana, digole; le diteišene tsa selegae, dithata. Go ya pele, lefapha le rotloetsa tirisano le go refosanya diteng tsa mananeo le boitseanape ka go bolotsa ditheo tsa metswedi ya diporofense e e tla golaganyang batsamaisi le barulaganyi ba mananeo a diteišene tsa setšhaba tse di farologaneng.
Mananeo a a fetang 1 000 a tlhagisitswe kwa ditheong tseo tsa metswedi mme a gasiwa mo diteišeneng tsa setšhaba di feta somaamatlhano go kgabaganya naga. Ditaelo tsa Molaotheo tsa go tlhama Aforika Borwa o o tlotlang ditshwanelo tsa botlhokwa tsa botho go akarediwa tsa basadi, bana, digole le tsa bašwa di itsiwe ke mongwe le mongwe. Ka go tlhotlhelediwa ke mabaka a, lefapha le ema nokeng go gatisiwa ga mananeo a radio a a amanang le maphata a a setšhaba.
Tiro e e botlhokwa e ya go maatlafatsa dimilione tsa baagi ba dikgaolo tsa kwa magaeng le ba ba sa fitlhelelweng bonolo mo nageng ya rona, e tla maatlafadiwa mo tsamaong ya ngwaga o. Lefapha le batla gape go tlhotlheletsa setšhaba sotlhe go tshwaragana mo mererong ya Boitekanelo, ya TB, ya HIV le ya bosenyi, mo godimo ga tse di neng di lebilwe ngogola.
Gape mo ngwageng o o fetileng go ne ga tshwarwa Lekgotla la Ditherisano tsa Kgaso ya Mefuta e e Farologaneng ya Se-eleketeroniki ya Selegae go ntshetsa mo pontsheng ditlhokego tsa baagi ba dikgaolo tsa kwa magaeng mo maemong a thekenoloji e e fetogang. Ditherisano tsa Lekgotla le di tsenetswe ke baemedi ba diteišene tsa setšhaba ba le kgoloamabedi somaamatlhano, ba ditikwatikwe tsa baagi tsa makala a mantsi le batsamaisi ba ditikwatikwe tsa ditlhaeletsano. Tsona di ne di tshwaragane le go rotloetsa dikgolagano magareng ga diporojeke tsa Diphasalatso tsa Se-eleketeroniki go tsamaelana le Thulaganyo e e Tshwaragantsweng le e e Tswelediwang ya Dikgaolo tsa Magae le Maano a go Ntšhwafatsa tsa kwa Ditoropong. Dikgolagano tse di tlhomilweng tse, di tla tokafatsa go aba tshedimosetso, bokgoni le metswedi go netefatsa go atolosiwa ga motheo le boitseanape jwa ditirelo tsa Thekenoloji ya Tshedimosetso ya Tlhaeletsano kwa dikgaolong tsa kwa magaeng mme ka seo di di tshwaraganye le ditirelo tsa botlhokwa tsa tlhabololo ya merero ya baagi le ya sepolotiki mo Aforika Borwa.
Ka ditirelo tse di atolositswe, di thusa go netefatsa ditlhokego tsa go tshegetsa tlhabololo ya maiteko a lefatshe le, di dirwa go etswetlhoko dipharologano tsa mafaratlhatlha a sedijithale tsa nako e e fetileng. Sa botlhokwatlhokwa e tla nna go akaretsa, ka go dirisa Thekenoloji ya Tshedimosetso ya Ditlhaeletsano, ya baagi fela ba Aforika Borwa gore ba nne le seabe go tsaya ditshweetso mo mafaratlhatlheng a thulaganyo tsa setšhaba. Lefapha le konoseditse dipatlisiso tsa go tlhoma kanale ya se Palamente le tirelo e e ikaeletsweng ka botlalo, ya thuto ya diphasalatso tsa mefuta e e farologaneng. Ga jaana re tshwaragane le ditherisano le mekgatlho e e farologaneng le e e nang le kgatlhego mo teng le kwa ntle ga ditheo tsa puso ka ga mekgwa e e tshwanetseng go tsewa fa go tlhongwa ditirelo tse.
Go santse go na le dikgwetlho tse dingwe tse di tlhokang matsapa a Lefapha mo makaleng a ditirelo tsa kgaso le makala a diphalasatso tsa mefuta e e farologaneng. Kwa tshimologong go tshwanetse ga netefadiwa gore go tlhongwa mafaratlhatlha a kgaso a a tsamaelanang le ditshiamelo tsa molaotheo le ditshwanelo tsa botho tsa Ma-Aforika Borwa otlhe; tse ka tsona re tla tlhomang Aforika Borwa o o tswelelang pele mo mekgweng e e sa kgethololeng ka mmala le bong jwa motho, tse lefatshe le tla di amogelang le go dumelela setso ka botlalo le botlhokwa jwa boswa jwa ditso tsa rona tse di farologaneng, fa mo letlhakoreng je lengwe, re rotloetsa go tshwaragana seoposengwe ga setšhaba le mowa wa go nna Ma-Aforika Borwa mmogo.
Tirelokgaso, gongwe go gaisa makala a mangwe, e tshwanetse go nna le seabe se segolo le se se botlhokwa sa go rulaganya maemo a a siameng a mokgwa wa maitsholo a mantšhwa a mantle mo Aforika Borwa. Motlatsamoporesidente, Jacob Zuma, o ne fa a bolotsa Letsholo la Boitshwaro jo bo Siameng (Moral Regeneration Movement), a tshwaya seabe se tirelokgaso e ntseng le sona mo go tsweletseng mekgwa ya go letla maitsholo a a sa siamang le mathata mo mekgwa ya setšhaba sa rona e neng ya wela kwa tlase go ya mo maemong a e leng mo go ona jaanong. O tlhalositse fa setšhaba sa rona se tlhoka lekala la kgaso le le tshwaelang mo tseleng ya bosetšhaba e e amogelang boikarabelo jwa rona, yo mongwe mo go yo mongwe mmogo, mo setšhabeng, le mo nageng ya rona.
Ka mabaka a a farologaneng tiro ya go tlhama mananeo a radio mo ditirelong tsa radio tsa setšhaba, ka setso, e tlhokomologile maitlhomo a a botlhokwa a go tlhabolola le go nna le seabe ga ba ba nang le kgatlhego mo baaging ba tikologo, sekai; Mekgatlho e e Tlhomilweng mo Baaging, di-CBO, mekgatlho e e seng ya Puso (di-NGO), e e emelang basadi, jaaka setlhopha se se ikaeletsweng mo gare ga setšhaba se se direlwang ke diteišene tsa diradio tsa setšhaba.
Gore go thibiwe diphatlha tse, Lefapha la Tlhaeletsano, ka Yuniti ya lona ya Kgwebisano, le abile matlole le go tlhamela basadi porojeke ya tlhagiso ya mananeo a diradio tsa setšhaba, go tloga mo ngwageng o o fetileng, go letla basadi gore le bona ba nne le seabe mo thulaganyong ya tlhagiso.
Basadi ba buletswe ditšhono tsa ditiro tse di farologaneng tsa setegeniki tse di amang go tlhama mananeo, go rulaganya diteng tsa mananeo, go gasa mananeo e bile mo go tsona tsotlhe, ke bona ba rweleng boikarabelo jwa mananeo ka botlalo. Tsotlhe tse di golaganngwa le go tsamaisiwa ke motlhagisi yo a tsentsweng mo konterakeng ya Lefapha.
Morulaganyi o rulaganya dithutano tsa diporofense go katisa bannaleseabe, go tlhoma ditlhopha tsa tlhagiso ya mananeo, go thusa ditlhopha go tlhopha diteng tsa mananeo le go golaganya ditlhopha tsa diteišene tsa radio tse di farologaneng tsa setšhaba mo porofenseng nngwe le nngwe. Fa kgato e, e fitlheletswe, bannaleseabe ba romelwa go tswa kwa diteišeneng tsa radio, mekgatlho e e tlhomilweng ke setšhaba.
Ga e sale go bolodiwa porojeke e, palo ya mananeo a le 720 a boleele jwa metsotso e le 15 le go feta e tlhagisitswe le go gasiwa mo diteišeneng tsa diradio tsa selegae, mme basadi ba le bantsi ba amegile mo go tlhameng mananeo e bile ba tlhaloganya mekgwa le go dira ga lephata la diradio tsa setšhaba. Mekgatlho e e Tlhomilweng mo Baaging, di-CBO; Mekgatlho e e seng ya Puso, (di-NGO); le mafapha a dipuso tsa diporofense, baagi le diteišene tsa radio tsa setšhaba di simolola go dira mmogo e le setlhopha go lemosa baagi le go romela melaetsa ka diteišene tsa diradio tsa setšhaba ka ga merero e e amang baagi. Sa bofelo, diteišene tsa diradio tsa setšhaba di setse di le gaufi le go fitlhelela boikarabelo jwa dilaesense tsa tsona.
Tlhagiso ya Mananeo a Diradio tsa Setšhaba a batho ba ba tshwerweng ke HIV/AIDS.
HIV/AIDS ke matshosetsi a magolo mo tlhabololong e e tswelediwang ya baagi le setšhaba sa rona. Diteishene tsa Diradio tsa Selegae, ka di tlhomilwe kwa baaging ba di ba direlang di tlhomilwe sentle go thusa go lwantsha leroborobo le ka go phasalatsa tshedimosetso. Fela jaaka mo makaleng a mangwe, go botlhokwa thata go akaretsa le batho ba ba tshelang le go tshwarwa ke AIDS, kgotsa ba ba tshwaeditsweng ke AIDS, fa go tlhamiwa diteng tsa mananeo.
Fa e sale go bolodiwa porojeke e, batho ba le bantsi ba ba tshwerweng ke HIV/AIDS ba akareditswe mo go tlhameng mananeo mme e bile ba ikamanya le mananeo a ka ba simolotse go utlwa magang le merero e e tsamaelanang le maemo a bona mo mananeong a. Palogotlhe ya mananeo a le 413 a metsotso e le 15 le go feta e setse a tlhagisitswe le go gasiwa mo diteisheneng tsa diradio tsa selegae. Diteishene tsa diradio tsa selegae di simolola go fetoga le go bulela batho ba ba tshwerweng ke HIV/AIDS dikgoro.
Tlhagiso ya Mananeo a Diradio tsa Setšhaba a digole.
Tebang le tlhagiso ya diteng tsa mananeo a digole, Lefapha le tshwanetse go netefatsa gore merero e e amang digole e tlhagisetswa setšhaba ka botlalo. Diteišene tsa diradio tsa setšhaba di simolola go fetoga le go bulela batho ba ba golofetseng dikgoro, e bile diteišene tse dingwe di agile mebotwana le matantabelo a batho ba ba tsamayang ka ditulo tse di nang le maotwana le ba ba kutsapelang ka dithobane. Go lemositswe setšhaba mabapi le merero ya digole, mme se se supeditse batsamaisi ka ga ditlhokego tse di kgethegileng tsa digole. Ka porojeke e, batho ba ba golofetseng ba tlhophilwe go ithutela go tlhagisa mananeo a radio kwa Setheong sa Bosetšhaba sa Aforika Borwa sa Bobegakgang jwa Eleketeroniki (National Electronic Media Institute of South Africa).
Tlhagiso ya Mananeo a Diradio tsa Setšhaba a Bana.
Go netefatsa go tlhagisiwa ga mananeo a a tshwanetseng bana, go botlhokwa gore le bona ba akarediwe mo thulaganyong ya go tlhama mananeo. Ka porojeke e, bana ba bangwe ga jaana ba golagantswe le diteišene tsa diradio tsa setšhaba mme ba ithaopile go dira e le bagasi le bagasimmogo. Ba ba robong go tswa kwa porofenseng nngwe le nngwe ba ne ba emetse diporofense tsa bone kwa Kopanongkgolo ya Boraro ya Lefatshe ka ga Bobegakgang jwa Bana kwa Greece go tloga ka la di 23 go fitlhela di 26 Mopitlwe ka 2001. Palogotlhe ya mananeo a le 850 a boleele jwa metsotso e le 15 le go feta e tlhagisitswe le go gasiwa mo diteišeneng tsa diradio tsa setšhaba. Bana ba digole ba akareditswe mo thulaganyong ya tlhagiso ya mananeo.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Tlhokomelo ya Kitso (2000).txt</fn>
Tlhokomelo ya Kitso ke eng?
Tlhokomelo ya Kitso ke tlwaelo e e mafaratlhatlha e e kgontshang mekgatlho go tokafatsa mekgwa e e tlholang, e e amogelang, e e netefatsang, e e anamisang, e e bolokang le go dirisa kitso go fitlhelela maitlhomo a yone ka bonako le ka manontlhotlho.
Dipoelo tse kgolo tsa Tlhokomelo ya Kitso ke dife?
Badiri ka kitso ba oketsa kgolo le thotloetso ya bone.
Ka go dira jalo ba tokafatsa ekonomi, ba fokotsa botlhoki le go oketsa ditiro.
A Tlhokomelo ya Kitso ke maano a ka bonako a nakwana?
Tlhokomelo ya Kitso e tla tswelela, mme ga se maano a ka bonako a nakwana. Lefatshe ka bophara, Boitlhamedi jwa Tlhokomelo ya Kitso bo amogetswe, mme ga go sa tlhole go na le boitlhophelo. Tlhokomelo ya Kitso ke mokgwa wa bokamoso.
Tlhokomelo ya Kitso e amana jang le Motlha wa Tshedimosetso?
EknowledgeCenter, Arizona, U.S.A.
Khomphuitara, Inthanete le lobelo lwa koketsego ya thekenoloji tse di diragalang lefatshe ka bophara, mme segolo thata kwa Amerika, di tlhodile se gangwe le gape se itsegeng jaaka Ngwaga wa Tshedimosetso fela se se bonwang jaaka kgato ya kgabaganyo e e lebisang kwa Ngwageng wa Kitso. Fa setšhaba se tsamaya go tswa kwa Ngwageng wa Intaseteri go ya kwa go se se bidiwang Ngwaga wa Kitso, mo maemong a magolo, Tlhokomelo ya Kitso e tlhabologile mo maemong a mannye go tlhokomela diphetogo.
A Tlhokomelo ya Kitso e ntšhwa?
Ditheo tsa Tlhokomelo ya Kitso ga gi dišwa, jaaka go bontshitswe ke tlhabololo ya kitso ke motho wa maloba (sekai: tiriso ya molelo, metale le boronse) e fetisiwa go tswa losikeng longwe go ya losikeng longwe mme e ntse e anama. Tlhokomelo e e lolameng ya kitso jaaka motswedi ke karolo e ntšhwa e e tlhabologang, legale, e tswa mo diphetogong tse dintsi tsa tshedimosetso le dithekenoloji tsa tlhaeletsano gammogo le kgolo e e itumedisang ya mosola wa kitso jaaka motswedi wa botlhokwa.
Kitso ke eng?
KITSO ke motswedi o o botlhokwa fela jaaka metswedi ya tlhago ya lefatshe, badiri kgotsa didiriswa. Tlhokomelo ya tlhokego, tlamelo le kelelo ya kitso e ntse e nna ntlha e e botlhokwa ya mekgatlho, mme e ka fitlhelelwa ka bokgoni ka tiriso ya Tlhokomelo ya Kitso.
A Tlhokomelo ya Kitso e farologane le Tshedimosetso ka Thekenoloji?
Le fa tshedimosetso ka thekenoloji (IT) e le sekgontshi sa Tlhokomelo ya Kitso, IT ke nnngwe ya dikarolo tse di fetang 60 tse di akarediwang ke Tlhokomelo ya Kitso, go akaretsa Motswedi wa Badiri, Anteropholoji le Saekholoji. Tlhokomelo ya Kitso e ka ga batho le setso fela jaaka e le ka ga IT.
A tlhokomelo ya kitso ke thekenoloji kgotsa tiriso?
Tlhokomelo ya Kitso ga se fela thekenoloji, e bile ga se fela tiriso, fela ke thulganyo le setlhopha sa dithekenoloji tsotlhe di tshegetsa kabelano ya mogopolo wa setheo go kgontsha boitlhamedi.
Tlhokomelo ya Kitso e amana jang le batho?
Ntlha ya botlhokwa ya TK ke Tlhokomelo ya Badiri, beng ba ba dirang mo mokgatlhong mme ba thapilwe ka kitso, e bile ba maatlafaditswe ka kitso, e bile ba rwele maikarabelo a go thusa badirelwa mo mokgatlhong.
TK e ka ga batho ba ba akanyang ka gore ba ka itlhokomela jang, go na le thulaganyo ya kgatelelo.
Go fetola mokgwa o dilo di neng di dirwa ka one kgale, o o batlang phetogo ya tlhaloganyo kgotsa mokgwa wa go dira go ya kwa mokgweng o o ikaegileng ka boikanyo le go boitshepo.
Kabelano ya tshedimosetso e tla kgontsha badiri mo mokgatlhong go dirisa kitso e e leng teng go na le go simolola tiro sešwa, go oketsa kitso.
Se se tla oketsa tiriso e e siameng ya nako, k. g. r. ntshokumo, le boitlhamedi, se e leng tlhagiso ya kitso e ntšhwa.
Tlhokomelo ya Kitso e amana jang le togamaano ya mokgatlho?
Ntlha nngwe ya botlhokwa TK ke botlhokwa jwa kgolagano ya togamaano ya Tlhokomelo ya Kitso le togamaano ya kgwebisano ya mekgatlho e e kgontshang mokgatlho go rulaganya bogaisani mme o tswelele o le teng.
Pharologano ke eng magareng ga data, tshedimosetso le kitso?
Data ke maitemogelo kgotsa dintlha di se mo tirisong, mme ka jalo di se na bokao ka tlhamalalo. Tshedimosetso e tswa mo tirisong ya data ka mogwa o o nang le bokao, gantsi ka mokgwa wa molaetsa. Kitso ke seo re tlang go se dumela le go bona se le mosola re ikaegile ka kokoanyo ya tshedimosetso (melaetsa) e e nang le mosola ka maitemogelo, tlhaeletsano kgotsa bokao. Kitso e ka bonwa e le selo se se ka somarelwang le go dirisiwa jaaka thulaganyo ya kitso le tiriso ka nako e le nngwe - ke gore go dirisa botlhale.
Ngangabalo ya Kitso ke eng?
Ngangabalo ya Kitso ke setlhopha sa melawana e go dumelwang e le boammaruri ke motho a le mongwe bonnyane, e le molaetsa o o nang le tshedimosetso e e lekaneng go ka dumelwa ke motho mongwe mme a dira ka yona. Go tshwanetse ga dirisiwa ditsela dingwe go netefatsa ngangabalo ka kitso pele e ka amogelwa e le kitso.
A boleng jwa kitso bo ka lekanyediwa?
Ee, ka bokgoni jwa yona go thusa mokgatlho kgotsa motho go fitlhelela maikaelelo a gagwe sentle.
A go na le kgorwana kgotsa websaete ya Tlhokomelo ya Kitso?
Go tlhomilwe kgorwana ya Tlhokomelo ya Kitso go tlamela mosele wa tirisano ka tlhaeletsano le Lefapha la Ditlhaeletsano. Se se tla dira jaaka motswedi wa Tlhokomelo ya Kitso, se tlamele kitso ka ga Tlhokomelo ya Kitso le go dira jaaka mosele wa gago go nna le seabe mo puisanong ka ga Tlhokomelo ya Kitso mo Aforika Borwa.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Tsa ga Morulaganyi.txt</fn>
SETLHOGO: Tsa ga Morulaganyi.
Tikologo ke morero wa botlhokwa mo botshelong, e seng fela mo go Aforika Borwa, fela legale mo mafatsheng otlhe go kgabaganya lefatshe le mo ditshabeng tsa lefatshe ka bophara. Merero ya tikologo e ne ya rerisanngwa ka botennye le ka botswapelo mo Kokoanong ya Lefatshe ka ga Tlhabololo e e Tswelediwang (WSSD) kwa Johannesburg.
Go tloga ka di 24 Phatwe go fitlhela ka di 4 Lwetse Aforika Borwa o amogela ditokololo di feta 40 000 go tswa kwa dikhutlong tsotlhe tsa lefatshe, botlhe ba tlile go nna le seabe mo ditherisanong tsa WSSD.
WSSD e tlhotse tshono ya ditshiamelo tse SANDF e supileng Aforika Borwa le go supetsa lefatshe gore e santse e le matsholo a a botlhokwa le gore a aba tirelo ya boleng jwa maemo a a kwa godimo. Go mo pepeneneng gore re atlegile e bile se ke sengwe se re ka itlotlomatsang ka sona. Go ditokololo tse di ntseng le seabe mo pakeng ya nako e, re batla gore: "Re a leboga". Re le rolela hutshe!!! (Buisa go le gontsi mo ditsebeng tsa bo 12 le ya bo 13).
Lekwalodikgang la SA SOLDIER le bone go tshwanela mo phasalatsong ya lona ya tlwaelo ya kgwedi e, go tsenya bukana e e ka ga merero ya go somarela tikologo ya kgwedi e, go rotloetsa maikemisetso le maikaelelo a WSSD. (Buisa mo ditsebeng tsa bo 12 le ya bo 31).
Go ya ka Mokolonele Seakle Godschalk, SSO Environemental Services Joint Support Division, "Lefapha la Tshireletso le ntse le seabe se segolo mo pakeng ya dingwaga di le 25 tse di fetileng. Se se re baya mo maemong a bobedi mo morago ga Dinaga tse di Kopaneng tsa Amerika, e mtsholo a yona a leng a bobedi go tlhomiwa mo lefatsheng, ka go tlhokomela le go somarela tikologo ka mokgwa wa semmuso le o o rulagantsweng ka botlalo".
go fitlhela go ya bo 26.
Ka bomadimabe, kakanyo e setšhaba se nang le yona ka bophara ke ya gore ditiro tsa sesole mo mafelong a tllhago ke tsa go senya le go ripitla tlhago, le gore badiredi ba sesole ba dira botlhaswa mabapi le metswedi e e botlhokwa ya tlhago. Puo e e reng: "Masole ke segongwana sa basimanyana ba ba senyang le ba ba tshamekang ka ditshamekisi tse di kotsi", gantsi e buiwa go lebisitswe sesole le mekgwa ya sona ya go ikatisa.
Ditshwaelo tsa mothale o di ka bonwa e le tsa borumulano le tse di se nang nnete ka gope, fela nnete ke gore, kwa ntle ga maitsholo a a lolameng le dikgato tsa go aga leshwa metswedi ya tlhago, ditiro tse di rileng gantsi di diragala mo mafelong a go ikatisa ka dinako tsa go ikatisa tse di ka dirang gore go nne le tsibogo e e tshwanang le e e fa godimo. Tsweetswee buisa temakgang ya: "A re se keng ra dirisa tlhago botlhaswa fela re rwaleng boikarabelo jwa merero ya tikologo e e tsweledisiwang pele", mo ditsebeng tsa bo 21 le ya bo 22.
Go botlhokwa go gakologelwa gore tokololo nngwe le nngwe ya Lefapha e tshwanetse go dira jaaka tokololo e e siameng ya setšhaba se, le yo o kgathalelang tikologo. E tshwanetse go nna karolo ya botshelo - tsela ya go dira ditiro tsa rona tsa letsatsi le letsatsi ka mokgwa o o tla tsholetsang tikologo ya rona.
<fn>tsn_Article_National Language Services_Tshobokanyo le Lemorago.txt</fn>
Mo pakeng ya ntlha ya Puso (1994-1999), Lefapha la Diporofense le Pusoselegae (dplg) e ne e le mooko wa tiriso ya thulaganyo e ntšhwa ya temokerasi le molaotheo.
Go kwalwa ga pholisi e ntšhwa le letlhomeso la peomolao la dipusoselegae mo Aforika Borwa.
Setlhoa sa tiro ya bofelo e nnile go tlhagisiwa ga Dipegelo tsa Maikemisetso (Pampiritshweu le Pampiritala) tsa Pusoselegae, Molao wa Karoganyo ya Makgotlatoropo ka Melelwane, Molao wa Dipopegotheo tsa Makgotlatoropo le Molao wa Dithulaganyo tsa Makgotlatoropo mo pakeng eno. Tiro ya paka ya lona ya ntlha e ne e totile bogolo segolo go tlhama boeteledipele jo bontšhwa jwa sepolotiki ya puso ya temokerasi mo magatong a bosetšhaba le a porofense.
Tshimologo ya paka ya bobedi ya Puso ka ngwaga wa 1999 e itsisitse phetogo ya leina la Lefapha, mme yona ya baka le maikarabelo a mantšhwa. Maikarabelo a tlhabololo ya molaotheo a ne a fetisediwa kwa Lefapheng la Bosiamisi mme lefapha la bidiwa Lefapha la Diporofense le Pusoselegae (dplg). Maikarabelo a mantšhwa a Lefapha ya nna ona mooko wa go tokafatsa boleng jwa puso, go tokafatsa tlamelo ya ditirelo le go kgontsha tlhabololo.
Ka ntlha ya seno, maikarabelo a Lefapha la Diporofense le Pusoselegae a fetoga go tswa go go nna batlhokomedi ba molaotheo, go nna a go tiisa ditheo tsa puso, go tiisa dikamano magareng ga maphata a puso le go tlhamiwa ga thulaganyo e ntšhwa ya pusoselegae. Ka ntlha ya fa letlhomeso la pholisi ya pusoselegae le ne le le gona, ntlha e e totilweng e ne ya nna go tlhama makgotlatoropo le dithulaganyo tsa ona tsa botlhokwa, gammogo le go tshegetsa lephata leo go diragatsa ditaolelo tsa lona tsa molaotheo.
Mananeo a Mmuso ka bophara: Maikarabelo ano a akareditse go golaganya go tsenngwa tirisong ga Lenaneo le le Kopanetsweng la Tlhabololo ya Leruri ya Metsemagae, Lenaneo la Tlhabololo ya Metsesetoropo, Ditirelo tsa Botlhokwa Tse di sa Duelelweng, tsamaiso ya matlhotlhapelo le go kwalwa ga pholesi ya tsamaiso ya matlhotlhapelo le letlhomeso la molao, gammogo le go baakanya molao o o malebana le seabe sa Ditheo tsa Segosi mo pusong le mo dikamanong tse di magareng ga maphata a puso.
Puso ya porofense: Bontsi jwa paka bo ne bo totile go tshegetsa diporofense go tsweletsa maikarabelo a tsona a go tshegetsa le go okamela makgotlatoropo.
Pusoselegae: Karolo nngwe ya tiro ya lefapha mo pusoselegaeng, e ne e le go tsenya tirisong, pholesi le molao o montšhwa wa pusoselegae, go tshegetsa go tlhamiwa ga puso ya makgotlatoropo ka maphata otlhe a yona le go konosetsa melao ya makgotlatoropo e e neng e saletse kwa morago, e tshwana le molao wa makgetho wa makgotlatoropo (Molao wa Makgetho wa Makgotlatoropo).
Ka Sedimonthole wa 2000, makgotla a ntlha a a tlhophilweng ka tsela ya temokerasi mo makgotlatoropong a ne a simolola go dira ka fa tlase ga letlhomeso le lentšhwa la molao.
Karolo ya bobedi ya tiro e ne e totile go tsamaisa dithebolelo tse di boitshegang tsa madi a kago ya mafaratlhatlha kwa makgotlatoropong le dišere tse di lekanang tsa makgotlatoropo. Maphata ano a lotseno a ne a gola ngwaga le ngwaga mme ka jalo a ama dipeeletso tsa makgotlatoropo le katoloso ya tlamelo ya ditirelo ka maikaelelo a go thiba sekgala se se bakilweng ke tlhaolele.
Go tloga ka 1994, puso ya tlhaolele e ne ya fetolwa go tloga go makgotla a selegae a le 1 200 a a neng a tletse bosemorafe, ditsamaiso di le nne tsa diporofense le Dinagamagae di le lesome , go nna makgotlatoroppo a le 284 a a tlhophilweng ka tsela ya temokerasi le diporofense di le robongwe gammogo le puso e e maatla ya bosetšhaba.
Go nnile le ditlhopho tsa temokerasi tse di neng di rena kagiso ka 1994, 1999 le 2004 tsa puso ya bosešhaba, ya porofense le ya selegae.
Puso mo magatong ka boraro e tlhomile mananeo a a farologaneng go fedisa lehuma le tlhaelo ya tlhabololo. Go tsentswe tirisong maano le mananeo mo maphateng a tshwana le dijo le kotlo ya ntlha, metsi le kgelelo ya leswe, motlakase le tlamelo ya maatla, matlo, tokafatso ya mafatshe, dipalangwa, thuto, tlhokomelo ya boitekanelo, Dikgwebopotlana le tirisanommogo ya loago. Bokgoni jwa diporofense jwa go tswelela go amogela matlole a a okeditsweng go tswa mo tekanyetsokabong ya ditshenyegelo tsa loago e nnile phitlhelelo e e gaisang. Tshekatsheko ka kakaretso e supa fa diporofense di kgonne go tokafatsa tekanyetsokabo thata mme di tlhagisitse dipoelo tse di bonalang mo tsamaisong ya ditshenyegelo.
Go tlhamilwe le go tsolotanngwa dithulaganyo tsa botlhokwa tsa makgotlatoropo gore go totiwe seabe sa baagi, togamaano ya tlhabololo e e kopanetsweng, tlamelo ya ditirelo le tsamaiso ya tiragatso.
Kabelo ya kago ya Mafaratlhatlha ya Makgotlatoropo ke madi a thuso a maikaelelo a ona e leng go tshegetsa ditekanyetsokabo tsa dikapitale go duelela dikago tsa mafaratlhatlha mo makgotlatoropong le go tokafatsa mafaratlhatlha a a ntseng a le gona, mme bogolosegolo go boelwa thata malapa a a itlhokelang. Seno se diragatsa ditshwetso le dipholesi tsa Kabinete tse di dirilweng pejana malebana le go tlhomiwa ga thulaganyo e e kopaneng ya tlamelo ya matlotlo go tshegetsa kago ya mafaratlhatlha mo makgotlatoropong.
Letlole la go tsenngwa ga motlakase, go samagana le tlhaelo ya motlakase mo matlong a a nnang batho a a fitlhelwang mo mafelong a a sa bolong go tlhaela ditirelo.
Kabelo ya kago ya Mafaratlhatlha ya Makgotlatoropo ke thulaganyo e ntšhwa ya go fetisa mafaratlhatlha mme e ikaeletse go dira gore thulaganyo ya go fetisetsa kwa makgotlatoropong e nne bonolo, e tlhomame mme e dirwe ka tlhamalalo. Dipeelo tsa lona di a obega, mme di diretswe go tshegetsa ditekanyetsokabo tsa dikago tsa makgotlatoropo, le go gokaganya togamaano e e kopanetsweng ya tlhabololo. Kabelo ya kago ya Mafaratlhatlha ya Makgotlatoropo e ka se rebole matlole a diporojeke dingwe tse di rileng, fela e rulaganyeditswe go tshegetsa ditekanyetsokabo tsa dikago tsa makgotlatoropo (go tshwana le madi a a abelwang dikago tsa mafaratlhatlha tsa porofense). Ka jalo, pegelo ya ditshenyegelo e tla nna ya tekanyetsokabo yotlhe ya dikago ya makgotlatoropo, e gape e tshwanetseng go netefatsa gore go na le tekanyetsokabo e e lekaneng ya tiro mo isagong, go tsweletsa go duelelwa ditshenyegelo tseo tsa dikago. Mafapha a a farologaneng a a maleba a bosetšhaba a tla tswelela go etelela pele tlhokomelo le tshegetso ya go tsenngwa tirisong ga dintlha tsa ona tsa botlhokwa le tse e leng maikarabelo a ona.
Lenaneo le le Kopantsweng la Tlhabololo ya Metsemagae ya Leruri ke eng?
Lenaneo le le Kopantsweng la Tlhabololo ya Leruri ya Metsemagae ke maiteko a puso a a tsamaisiwang ke Lefapha la Diporofense le Pusoselegae. Le simolotse go dira ka Diphalane wa 2000 morago ga go rebolwa ke Kabinete. Maikaelelo a lenaneo ke go lwantsha lehuma, go tlhama ditiro le go tokafatsa mokgwa wa go itshedisa wa baagi ba Aforika Borwa, bogolo segolo basadi, bašwa le batho ba ba sa itekanelang mo mebeleng.
Maikemisetso a magolo a lenaneo ke go netefatsa gore puso e dira mmogo le baagi le banni le seabe ba bangwe go fedisa lehuma le go tokafatsa boleng jwa botshelo kwa metsemagaeng.
Lenaneo le le Kopantsweng la Tlhabololo ya Leruri ya Metsemagae le ikaeletse go fitlhelela baagi ba ba tsepameng mme ba dirisana mmogo mo loagong, mme ba na le ikonomi e e ikgonang mme e tsepame mo e ka kgonang go busetsa serodumo sa baagi ba metsemagae.
Tlhabololo ya metsemagae e ikaeletse go fedisa dingwaga tse dintsi tsa nyenyefatso ya baagi ba metsemagae ka go tokafatsa tlamelo ya ditirelo le gore baagi botlhe ba kgone go fitlhelela ditlamelo tsa loago di tshwana le tsa metshameko le boitapoloso, dikolo, ditleleniki, jalo le jalo.
Gore diporojeke le ditiro tsa kwa magaeng di nnele ruri ke kgwetlho e kgolo go puso mme ka jalo go tlhoka gore banni le seabe botlhe ba nne le seabe ka botlalo go netefatsa gore diporojeke le ditiro di fitlhelela ditlhokego tsa batho ba ba kwa tlase.
Ka jalo, go tlhokega leano le le nnelang ruri go netefatsa gore lotseno la dipusoselegae le tokafadiwa ke mananeo a tshwana le Kabelo ya kago ya Mafaratlhatlha ya Makgotlatoropo. Go fitlha ga jaana, lenaneo leno le tsentswe tirisong kwa mafelong a le 13 a a supilweng jaaka dikarolo tsa metsemagae tse di tlhokang kelotlhoko.
Lenaneo la Ntšhwafatso ya Metsesetoropo ke eng?
Lenaneo la ntšhwafatso ya Metsesetoropo ke lenaneo la puso le le tsamaisiwang ke Lefapha la Diporofense le Pusoselegae. Le itsisitswe ke Moporesidente Thabo Mbeki mo Puong ya gagwe le Setšhaba ya 2001, ka maikaelelo a go susumetsa batho go dirisa maikatlapelo le ditlamelo tsa bona go thusa baagi ba ba nnang mo metsesetoropong mme ba itlhokela mo nageng. Lenaneo la Ntšhwafatso ya Metsesetoropo le itsisitswe ka nako e le nngwe fela le Lenaneo le le Kopantsweng la Tlhabololo ya Leruri ya Metsemagae, gore a dirisane mmogo go lwantsha lehuma le tlhaelo ya tlhabololo kwa metsemagaeng le metsesetoropong.
Lenaneo la Ntšhwafatso ya Metsesetoropo le tsenngwa tirisong mo mafelong a le robedi a a supilweng jaaka mafelo a a tlhokang go elwa tlhoko mo metsesetoropong, a mmogo a emetseng lehuma le le boitshegang mo Aforika Borwa.
Go solofetswe gore fa le tsamaisa Lenaneo la Ntšhwafatso ya metsesetoropo, lefapha le netefatse gore go nna le kgokagano le tiriso e e bokgoni ya lenaneo la ntšhwafatso ya metsemagae mo dikarolong tsotlhe tse di supilweng jaaka tse di tlhokang go elwa tlhoko malebana le ntšhwafatso ya metsesetoropo. Diporofense tse dikarolo tseno di leng mo go tsona di nna le baemedi ba setegeniki ba ba supiwang ke Ditonakgolo go dira tiro e e rileng mme baemedi ba sepolotiki bona ba tlhophiwa ke bakhuduthamaga ba diporofense go kaela le go tlamela dikarolo tseo ka tshegetso ya setegeniki le ya sepolotiki. Batsamaisi ba Ditoropo le Bora/mmatoropo ba laoletswe go dira jaaka baeteledipele ba setegeniki le sepolotiki kwa diporojekeng tseo. Kwa dikarolong tseo tsotlhe ka borobedi, makgotlatoropo a a amegang a tlhomile setlhopha sa badiri ba ba boineelo go tsweletsa lenaneo.
Lenaneo la Ntšhwafatso ya Metsesetoropo le lebeletse baagi ba metsesetoropo, bogolo segolo ditlhopha tse di mo matshosetsing di tshwana le basadi, bašwa, bagodi le ba ba sa itekanelang mo mmeleng.
Tlhabololo ya Ikonomi ya Selegae ke lenaneo la Lefapha la Diporofense le Pusoselegae le le tlhalosang thulaganyo e batho ba selegae ba dirisanang ka gona le banni le seabe ba bangwe go fitlhelela kgolo le tlhabololo ya leruri ya ikonomi ya selegae. Lenaneo le ikaeletse go supa le go akaretsa ditlamelo tsa selegae, batho ba ba nang le bokgoni le dikakanyo tsa kgwebo, gore ba tshwaele mo kgolong ya ikonomi ya selegae.
Maikemisetso a magolo a lenaneo ke go phasalatsa ditlamelo le ditshono tsa dikgwebo go maatlafatsa ikonomi ya baagi ba selegae gore ba kgone go itumelela melemo ya ditshono tsa leruri tsa ditiro le seemo se se tokafetseng sa botshelo.
Tlhabololo ya Ikonomi ya Selegae e ka dirisiwa jaaka sediriswa sa go ngokela ditšhelete tse dikgolo go tswa kwa lephateng la poraefete gore go tlhamiwe ditiro le mafaratlhatlha a a tlhokwang thata ke baagi ba selegae.
Pegelo ya Maikemisetso (Pampiritshweu) ya Pusoselegae e tlhalosa ka botlalo seabe sa "pusoselegae ya tlhabololo". Ya re: pusoselegae e tshwanetse go itlama go dira le baagi, mekgatlho ya baagi le ditlhopha tse dingwe tse di nang le dikgatlhego go bona ditsela tsa leruri tsa go fitlhelela ditlhokego tsa baagi tsa loago, ikonomi le dilo, mme ka go rialo, go tokafadiwa boleng jwa matshelo a bona.
Setshwano se sentšhwa sa pusoselegae se farologana le sa maloba ka ntlha ya fa puso ya bosetšhaba e se rwesitse maikarabelo a go nna lefelo le le kwa pele le tlamelo ya ditirelo e diragalang go tswa kwa go lona. Makgotlatoropo jaanong a na le maikarabelo a a oketsegileng. Le fa tota pusoselegae e ka seke ya tlhama ditiro, e tshwanetse go dirisa boitlhamelo malebana le gore e tsamaisa merero ya yona jang. E tshwanetse go dira seemo se mo go sona, bagwebi ba ka kgonang go tswelela pele.
Mananeo a tshwana le Tlhabololo ya Ikonomi ya Selegae ke ditselana tse di tla tlhagisang bagwebi ba ba ka tlhamang madirelo a a tlhagisang ditlhagiswa tsa matlalo, dibenya, dikarolo tsa dikoloi le dilwana tse dingwe tse di ka romelwang ntle. Bagwebi bano ba ka tshwaela mo boleng jwa ditlhagiso le ditirelo tsa naga (Gross domestic product) mme ka go rialo ba fokotse botlhokatiro. Ntlha ya botlhokwa ke gore ba ka nna beng ba didiriswa tsa tlhagiso di tshwana le metšhini ya mabono le thekenoloji e e tsweletseng pele.
Fa e sale re amogela temokerasi mo Aforika Borwa mo ngwagasomeng o o hulereng, tlamelo ya ditirelo e nnile sengwe se re se utlwileng go tswa mo bathong ba le bantsi. Go lopiwa ga ditirelo tsa ntlha ke baagi go oketsega ka lobelo ka ntlha ya fa ba lemoga seemo sa bona mme ba eletsa seemo se se botoka sa botshelo mo malapeng a bona.
Ka jalo, eemo seno se tlhoka gore pusoselegae, ka tirisanommogo le lephata la poraefete, Mekgatlho ya Baagi, le makgotlatoropo, ba itlhaganedise maikarabelo a bona a go tlamela baagi ba Aforika Borwa kwa metsemagaeng le mo metsesetoropong ya naga ka ditirelo tsa ntlha.
Tirisanommogo ya Ditirelo tsa Makgotlatoropo ke eng?
Tirisanommogo ya Ditirelo tsa Makgotlatoropo ke lenaneo la Lefapha la Diporofense le Pusoselegae le le ikaeletseng go tlhama tirisanommogo magareng ga makgotlatoropo, Mekgatlho ya Baagi le ditheo tse dingwe, ka maikaelelo a go kopanya ditlamelo tsa ditšhelete le batho gore go kgontshiwe makgotlatoropo go atlega go tlamela baagi ka ditirelo tse di botoka.
Lenaneo le totile eng?
Lenaneo le totile go supa batho, mekgatlho e e seng ya puso, mekgatlho ya baagi le ditlamo tsa poraefete tse di ka tlamelang ka bokgoni jo bo tlhaelang le go rebola ditirelo tse di ka thusang makgotlatoropo go tokafatsa nako ya go rebola ditirelo. Tirisanommogo ya dipopegotheo tseno, tse di dirang mmogo go tokafatsa matshelo a baagi ba Aforika Borwa ke yona tota Tirisanommogo ya Ditirelo tsa Makgotlatoropo.
Seno se ka tlhalosiwa jaaka tumelano ya kgwebo magareng ga lekgotlatoropo le lekgotlatoropo le lengwe, gongwe lephata lengwe la mmuso gongwe setheo se se fetotsweng go nna sa poraefete mo lekgotlatoropong.
City Parks, e e rweleng maikarabelo a tlhokomelo ya diphaka, ditshingwana tsa dimela, dipolantasi tsa ditlhare, jalo le jalo.
City Power, e e rweleng maikarabelo ya go rekisetsa pusoselegae motlakase ka bontsi. Motlakase o o jalo o rekisediwa baagi ka diyuniti.
Dikai tse dingwe tsa Tirisanommogo ya Tirelo ya Makgotlatoropo di akaretsa Mekgatlho ya Baagi e e dirisanang le lephata la poraefete. Tirisanommogo e tshwanetse go nna le bokgoni, e tlhomamisiwe mme e tshwanetse go fitlhelela ditlhokego tse di tlhagisitsweng tsa molao ka ntlha ya fa dingwe tsa tsona di tshwanetse go thusa makgotlatoropo ka dithulaganyo tsa go tlhagisa melato ya ditirelo, e leng sengwe se gantsi se ka nnang marara.
Baagi ba ngongoregile ka thulaganyo ya go rebola melato, go naya sekai, ba bona e kete melato ya motlakase le metsi e bontsha dipalo tse di fosagetseng mme ka jalo e oketse madi a a tshwanetseng go duelelwa ditirelo. Ka ntlha ya dingongorego tseno, pusoselegae e eletsa go tsereganya le go samagana le mathata ano ka go dirisa ditirelo tsa dikonteraka tsa ditlamo tse di itshupileng tse di nang le boitseanape jwa dithulaganyo tsa diakhaonte le bokgoni jo bongwe jo bo tlhaelang go tokafatsa tlamelo ya ditirelo.
Gantsi pusoselegae le batlamedi ba ditirelo ba nna le tumelano ya magareng ga ngwaga le dingwaga tse tharo (1-3), e e akaretsang go thusa ka dithulaganyo tsa melato/diakhaonte, tlhokomelo ya mafaratlhatlho, le go amogela dituelo go tswa mo baaging. Gape tumelano e akaretsa tshekatsheko ya boleng jwa tiro e e dirwang ke batlamedi bano ba ditirelo gammogo le nako e go solofetsweng gore ba bo ba weditse tiro ka yona.
Tirisanommogo ya Ditirelo tsa Makgotlatoropo e tshwanetse go tsewa jaaka sediriswa se se dirisediwang go dira gore makgotlatoropo a kgone go obega fa a samagana le ditlhokego tsa baagi tsa ditirelo.
Lenaane la Tlhabololo e e Kopanetsweng ke eng?
Seno ke thulaganyo e makgotlatoropo a e dirisang go rulaganya maano a dingwaga di le tlhano a a sekasekwang ngwaga le ngwaga morago ga go batla maikutlo a baagi le banni le seabe. Maano ano a ikaelela go tsweletsa kopano ka go tsepamisa dipilara tsa loago, ikonomi le ikholoji tsa leruri ntle le go imetsa bokgoni jwa ditheo jo bo kgonegang mo tirisong, le ka go gokaganya ditiro go ralala maphata a puso.
Makgotlatoropo a tsweletsa manaane a tlhabololo e e kopanetsweng go fitlhelela tlamelo ya ditirelo le diphitlhelelo tsa tlhabololo tsa makgotlatoropo ka tsela e e bokgoni le e e nnelang ruri. Mafapha a bosetšhaba le a porofense, ditheo tsa tlhabololo, maphata a poraefete, Mekgatlho e e seng ya puso le baagi ba na le seabe mo paakanyong le tiragatso ya Maano a Tlhabololo a a Kopanetsweng a makgotlatoropo. Lefapha la Diporofense le Pusoselegae le tlamela banni le seabe bano, bogolo segolo makgotlatoropo, ka tshegetso ya kaedi, mananeo a katiso, mekgwa ya go dira, tlamelo ya matlole le mananeo a bokgoni. Gape Lefapha la Diporofense le Pusoselegae le gakolola banni le seabe ba ba farologaneng ka tsela ya go gokaganya le go tokafatsa maano a tlhabololo, le go tlhagola tsela ya go amogana kitso.
Tsamaiso ya Tshegetso ya Botsamaisi jwa Thulaganyo le Tiriso ya pusoselegae e dirwa ke kgolagano ya Ditikwatikwe tsa Tsamaiso ya Tshegetso ya Botsamaisi jwa Thulaganyo le Tiriso tse di fitlhelwang kwa makgotlatoropong a kgaolo. Ditikwatikwe tsa PIMS di na le baporofešenale ba tlhabololo ba ba nayang tshegetso e e siametseng maemo a selegae go makgotlatoropo a selegae le a kgaolo, letsatsi le letsatsi mo go tsa Manaane a Tlhabololo a a Kopanetsweng le go tsenngwa tirisong ga ona. Ka jalo, tshegetso e kgabaganya ditiro le maikarabelo a a farologaneng.
Ditikwatikwe tsa Tsamaiso ya Tshegetso ya Botsamaisi jwa Thulaganyo le Tiriso ke diyuniti tsa tshegetso tse di ikarabelang mo makgotlatoropong a di a direlang, mme ke dikgato dingwe tse ka tsona lefapha la diporofense le dipusoselegae le mafapha a pusoselegae a diporofense a tlamelang thuso ya tiro go makgotlatoropo. Ditikwatikwe tsa Tsamaiso ya Tshegetso ya Botsamaisi jwa Thulaganyo le Tiriso di tlametswe ka mafaratlhatlha a tshedimosetso le thekenoloji e e kgontshang makgotlatoropo go fitlhelela tshedimosetso ya GIS, dikgang le ditiro tse di amanang le lenaane la tlhabololo e e kopanetsweng, pholisi e e maleba ya lephata, dikaedi le melao, gammogo le maano a lephata, matlhomeso le dithutopatlisiso tse di farologaneng.
Porojeke ya Maatlafatso ke eng?
Ke lenaneo la tiro le le supileng makgotlatoropo a a nang le tlhaelo e e boitshegang ya tlamelo ya ditirelo e e tlhokang go tsibogelwa ka gangwe fela.
Kwa ntle ga makgotlatoropo a a setse a supilwe go ka thusiwa, maikemisetso a porojeke ke go bona go samaganwe le dikgwetlho tsa makgotlatoropo otlhe a le 284 ka tsela e e nang le bokao mme e bile e le mosola.
Porojeke ya Maatlafatso e na le pholisi e e gaisang e e lebeletseng batho ba ba 'kobo di khutshwane - ke sengwe se puso ya maloba e reteletsweng ke go se dira - pholesi ya batho ba ba 'kobo di khutshwane e lebelela seemo sa batlhoki, bagodi le batho ba ba sa direng le ba ba sa itekanelang mo mebeleng. Go supile ditlhokego tsa batho bano mme ba kopiwa go ikwadisa kwa makgotlatoropong a a farologaneng gore ba gololwe mo tuelong ya ditirelo tsa ntlha. Seno se kaya gore ba fitlhelela ditirelo tse di sa duelelweng tse di tlamelwang ke makgotlatoropo a kwa ba leng gona.
Go solofetswe fa Porojeke ya Maatlafatso e tla tsaya sebaka sa dingwaga tse 2 mme e ikaeletse go nna motheo wa phetogo e e bonalang le tlamelo ya ditirelo ka bonako go baagi ba ba tlamelo ya ditirelo e saletseng kwa morago mo mafelong a bona.
<fn>tsn_Article_National Language Services_TèHATA YA MELAWANA E E SIAMENG.txt</fn>
Re kgabagantse borogo jwa hisitori go tswa mo go se lekalekaneng le mo ntweng go tsena mo setšhabeng se se ikaegileng ka boagi jo bo tshwanang le tsweletso ya tekatekano. Re sekametse mo maetong a a farologaneng le ditso tse di farologaneng tse di re gorositseng mo kgololosegong le mo demokerasing, gape re ineela mo maikaelelong le mo melawaneng ya ngwao e e re tshwaraganyang mo go farologaneng ga rona.
Mo boineelong jo bo tshwanang jo, re belegwe ka kgaratlho, re ineetse go fodisa dintho tsa ditiragalo tse di fetileng, go tlhomamisa seriti sa botlhe, le mo tsweletsong ya pabalesego ya loago le ya didirisiwa tsa batho ba rona, re tshepisa go sireletsa le go tshegetsa melawana e e leng teng. Re dira jaana re tlhaloganya gore bokamoso jwa rona bo ikaegile ka tshireletso ya tikologo le katlaatleloloago ya botlhe ba ba nnang mo melelwaneng ya rona, ba ba nnang mo kontinenteng ya Aforika e bile ba bopa ditšhaba ka botlalo tsa lelapa.
Molaotheo wa rona o tlhomamisa fa batho ba belegwe ba gololosegile e bile ba na le seriti se se lekalekanang.
Tlotla tshwanelo ya batho botlhe, go sa kgathalesege ntlha ya loago, lotso, bong, dingwaga, maemo le seemo.
Lwantsha tshotlo ya basadi ya mo mmeleng le ya mo moweng e e tlholang petelelo le mefuta e mengwe ya tshotlo.
Fedisa tshotlo ya bana e e tlholwang ke phepelotlase, go dira ga bana ba santse ba le bannye, go gweba ka diritibatsi, tshenolo ya thobalano mo dikwalong, mo difiliming jalo le jalo le go gweba ka mmele.
Tlhokomela botlhe ba ba leng bokowa e bile ba sotlega: bahumanegi, bagodi, digole, le botlhe ba ba sa kgoneng go itlhokomela.
Lwantsha mofuta mongwe le mongwe wa tshotlo ya mo mmeleng, ya mo moweng, le/kgotsa ya mo tlhaloganyong kgotsa go kgarakgatsha motho yo mongwe.
Fedisa tiriso e e botlhaswa ya maemo, ya ngwao, ya setso, ya lotso, ya bong, ya thobalano, ya maemo a boitekanelo, kgotsa ya setso se se tlholang kgethololo kgatlhanong le mongwe.
Dira mabapi le pabalesego le tshireletso ya batho botlhe.
Kgololosego ya mongwe le mongwe go ya ka molao ke motheo wa bosiamisi, tshiamo, kago ya setšhaba le taolo e e siameng.
Letlelela kgololosego ya go bua, ya kopano, ya go suta, ya bonno, ya tumelo, ya kakanyo le ya bodumedi.
Lebelela ntlha ya maikarabelo a loago ka go tlotla molao, boikanyo, go dira ka thata le maemo a bontle jwa ngwao.
Lwantsha mefuta yotlhe ya bosenyi, ya bobodu le tlhakatlhakano.
Kgaratlhela tshwaraganyo ya bosetšhaba le go se kgaogane ga Rephaboliki.
Ditshwanelo tsa ikonomi ya loago tse di leng karolo ya molaotheo di tshwanetse go bonwa di le kwa godimo ga ditshwanelo tsa thotloetso. Pholisi le manane a tshwanetse go tlamela bahumanegi ka ditšhono go fitlhelela seriti sa batho le go nna le dithoto.
Lwantsha go se lekalekaneng go go tseneletseng ga nako e e fetileng le ga gompieno, le go rotloetsa ditšhono go mongwe le mongwe go abelana didirisiwa tsa naga ya rona.
Lwntsha megagaru, boikgopolo le go ikhumisa go go feteletseng ka dinako tsotlhe.
Lwantsha bobodu, bo tlholwa ke go ikhumisa, go tlhoka botshepegi, go tsaya letlhakore, go rata ba bangwe go gaisa ba bangwe kgotsa mabaka a mangwe.
Rotloetsa bosenagbofitlha mo pusong le mo kgwebong ka tshedimosetso e e siameng, e e fitlhelelwang gape e nepagetse ka ga dintlha tse di amang setšhaba.
Netefatsa tsamaiso e e bokgoni gape e siame le ditiro tsa thapo tse di tlholang kemedi ka bophara ya lotso le ya bong.
Lelapa le setšhaba ke ditheo tse di botlhokwa tsa loago tse di rotloetsang le go tlhola melawana ya maitsholo le ya ngwao mo setšhabeng.
Rotloetsa melawana ya lelapa, boikanyego, maikarabelo, go tlotla batsadi le bagodi, kgodiso ya bana, go tshegetsa bagodi, mmogo le tlhabololo le tlhokomelo ya lelapa.
Lwantsha tshotlo ya ka mo lelapeng le go tlhokomologa makarabelo a lelapa, e le ka ntlha ya tiriso e e botlhaswa ya diritibatsi, tumelo ya setso kgotsa kgethololo ya bong.
Tlhola mowa wa lelapa le wa setšhaba o o rotloetsang mowa wa tlhokomelo, wa kutlwelobotlhoko le wa kamogelo.
Dirisa didirisiwa sentle le ka tshwanelo go tswela maloko otlhe a lelapa le a setšhaba mosola.
Tswela ba bangwe mosola mmogo le rona ka go itlhabolola le go bona bokgoni.
Boikanyego, botshepegi le seriti ke melawana e e botlhokwa ya demokerasi le taolo e e siameng.
Dirisana ka bopelo-nomi, ka tokologo le ka botshepegi.
Rotloetsa le go tlhotlheletsa dikamano tse di siameng, botshepegi le tshedisano go kgabaganya dikgaogano tsa hisitori tsa nako e e fetileng.
Dirisa bosiamisi go otlhaya mefuta yotlhe ya bogodu, ya bogagapa, ya pipa-molomo, ya go tlhoka botshepegi le ya go jewa.
Go farologana ga lotso le semorafe ga Aforika Borwa go na le bokgoni jwa go rotloetsa le go maatlafatsa setso le molawana o o ka tshegetsang melawana e e tlhagelelang mo Tšhateng e.
Rotloetsa kgololosego ya segakolodi, ya kgotlelelano ya bodumedi le kamogelo ya ditumelo tse di farologaneng kwa ntle le bobaba kgotsa go tsaya letlhakore.
Rotloetsa go akanya go go tseneletseng go go ikemetseng le mowa wa go nna le seabe mo kganetsanong.
Rotloetsa tlotlo malebana le ditumelo le melawana ya ba bangwe.
Rotloetsa tshwanelo ya mongwe le mongwe ya go tlhagisa maikutlo a gagwe kwa ntle le go tshoga go kgalemiwa, go tshosediwa kgotsa go sotliwa.
Lwantsha mefuta yotlhe ya bobaba, ya mongwe le mongwe, ya setlamo kgotsa ka botokololo kgotsa kamano le mokgatlho o o nyatsang seriti sa ba bangwe.
Rotloetsa ditšhono tse di lekalekanang go batho botlhe go akaretsa le digole le ba ba nang le bolwetse jwa HIV / Aids le mefuta e mengwe ya bolwetse.
Tlotlo, tlhokomelo le kamego ke mengwe ya melawana e e kayang batho ba Aforika Borwa. Re amogela fa go se kitla go nna le kagiso kgotsa pabalesego kwa ntle ga tlotlo le tlhokomelo.
Ikgogela morago mo go diriseng puo e e nyenyefatsang le matshwao a a sotlang mo dikgolaganong tsa rona le ba bangwe.
Rotloetsa kagiso, botsalano, kgotlelelano le tshwaragano ya bosetšhaba mo baaging ba setso, ba bodumedi le ba puo.
Bontsha tlotlo go batho botlhe le ditlhopha tsotlhe tsa loago.
Tshedisano e e siameng e batla bosiamisi, tshiamo le tlotlo jaaka motheo wa poelano ya bosetšhaba. Phodiso ya dikgobelelo tse di fetileng le dikgaogano e a tlhokega go netefatsa thotloetso ya melawana ya demokerasi, bosiamisi le ditshwanelo tse di botlhokwa tsa botho go botlhe.
Lwantsha maitsholo a bobaba le a makgakga ka tlotlo le kutlwisiso.
Lwantsha batho le ditlhopha tse di batlang go kgoreletsa kagiso, tlhomamo le pabalesego ya setšhaba ka maitsholo a bobaba le/kgotsa a e seng a demokerasi.
Tlamela batho ka ditirelo tsa loago le tse dingwe ka mokgwa o o lolameng, o o siameng, o o lekalekanang le o o sa tseyeng letlhakore.
Ka go gakologelwa mathata le bobaba jwa nako e e fetileng, re amogela bokowa jwa dikamano tsa loago mo demokerasing ya rona e ntšhwa. Se se batla tlhomamiso ya melawana ya maitsholo e maAforika Borwa otlhe a kagiso a ka e eletsang jaaka motheo wa go atamelana ka mowa o o tlhotseng naga ya rona - ka go itse fa Aforika Borwa e le ya botlhe ba ba nnang mo go yona.
<fn>tsn_Article_National Language Services_TèHATA YA TIRELO.txt</fn>
Tšhata ya Tirelo ya Batlhokofadiwa ba Bosenyi mo Aforika Borwa (Tšhata ya Batlhokofadiwa) ke sediriswa se se botlhokwa mo tsweletsong ya bosiamisi mo bathong botlhe. Thata ya Batlhokofadiwa e dumalana le moono wa Molaotheo wa Aforika Borwa, 1996, Molao 108 wa 1996, le Tlhomamiso ya Ditšhaba tse di Kopaneng ya Ditheo tsa Botlhokwa tsa Bosiamisi jwa Batlhokofadiwa ba Bosenyi le Tirisobotlhaswa ya Dithata, 1985 (GA/RES/40/34).
Fa e sale go tloga ka 1994, le ka kamano le paakanyo ya mokgwa wa ditshwanelo tsa botho, tsepamo e sutisiwa go tswa mo thulaganyong ya bosiamisi jwa kgatelelo le ipusolosetso go ya Bosiamising jwa Paakanyo. Se se botlhokwa thata mo mogopolong wa Bosiamisi jwa Paakanyo ke kamogelo ya bosenyi jaaka tlolomolao kgatlhanong le puso, fela le jaaka kgobatso kgotsa go siamololela motho yo mongwe. Se se dumalana le ponelopele ya Togamaano ya Bosetšhaba ya Thibelo ya Bosenyi e e lebileng thata motlhokofadiwa tebang le thulaganyo tshiamiso ya bosenyi. Maikaelelo-magolo ke go maatlafatsa motlhokofadiwa ka go fitlhelela ditlhokego tsa motlhokofadiwa, e ka tswa e le tse di ka tshwarwang/bonwang kgotsa tsa maikutlo.
Tšhata ya Batlhokofadiwa le tokomane e patagantsweng ya maemo ke didirisiwa tsa botlhokwa tse di tlhalosang le go kitlanya ditshwanelo le ditlamego tse di amanang le ditirelo tsa batlhokofadiwa le bafalodi ba bosenyi mo Aforika Borwa.
Tšhata e dumalana le dikaelo tsa karolo 234 tsa Molaotheo.
Ke na le tumelo e e tletseng gore ka boitlamo le boineelo jwa banni-le-seabe botlhe mo thulaganyong ya tshiamiso ya bosenyi, Tšhata e ya Batlhokofadiwae e tla thusa mo tiragatsong melao e e maleba ka tsela e e leng gore e dira tiro ya yone - go dira gore bosiamisi bo tswele botlhe mosola!
<fn>tsn_Article_National Language Services_VAT mo Dibukeng.txt</fn>
Tlhwatlhwa ya theko ke tlhobaboroko mo bathong ba bantsi, segolo thata mo bathong ba lotseno lo lo kwa tlase. Dibuka, mo lebakeng le, e nna selo se e seng sa botlhokwa. Se ke bothata, segolo thata mo nageng ya palo e e kana ka 60% ya botlhokakitso ya go buisa le go kwala. Mokwadi le mojenalese, Terry Bell, (yo e neng e le morutabana, motlhabolodi wa lenanathuto le motseleganyi) o lemogile dikamano magareng ga tlhwatlhwa ya theko le kitso ya go buisa le go kwala. Temogo e e file Bell mogopolo wa go simolola petišene ya setšhaba go tlosa lekgetho la VAT mo dibukeng, mo kgatlhegelong ya go dira gore theko ya dibuka e kgonagale, mme ka jalo go rotloediwe kitso ya go buisa le go kwala. O tlhamile letsholo la Campaign Against Reader Exploitation (CARE) mme a bitsa letsholo le "Don't Tax Knowledge " - " A Kitso e se Duedisiwe Lekgetho".
Jaaka karolo ya go keteka World Book Day ka la 23 Moranang 2002 Laeborari ya Bosetšhaba e atlanegisitse letsholo le. Re batla go rotloetsa beng botlhe mo tirisong ya dibuka, go thusa mo tsweletsong ya petišene e go bona tshegetso ya setšhaba. Mo mafelong a Seetebosigo 2002 re ne re setse re bone tshegetso go tswa mo bathong ba ba 17 5000.
Gape khopi ya petišene e ka fekesetswa kwa go wena fa o e kopa.
Mo dikgatlhegelong tsa go aga setšhaba sa babuisi, rona ba re saenneng fa tlase, re batla gore dibuka di se ka tsa duedisiwa lekgetho (VAT). Se se tla bo se dumalana le dinaga tse dingwe tse dintsi, mme e tla bo e le kgatelopele e e lebisang kwa phokotsong ya ditlhwatlhwa tsa thekiso tse di kwa godimo tsa dikwalo tse di kwadilweng mo nageng e.
<fn>tsn_Article_National Language Services_dipotso tse di bodiwang gangwe le gape.txt</fn>
Bukana e ya dikgakololo e rulaganyeditswe go tokafatsa bagwebi le batho ba ba sa direng tiro ya sethekeniki, go tlhaloganya e-Commerce le go rotloetsa dikgatlhegelo tsa bona. Yona e tlhalosa ka ga motheo le botlhokwa jwa e-Commerce le go baya mo pepeneneng merero ya semolao ya fa motho a dira ka e-Commerce: gore e kaya eng mo mogwebing, tsela ya go simolola, le mareo a a dirisiwang ka tlwaelo.
E-Commerce e ka ga go dirisa mekgwa ya se-eleketeroniki mokgwa wa go tsamaisa kgwebo le tlhaeletsano.
E tlhalosa ka ga go refosana tshedimosetso mo mabakeng a kgwebo le a e seng a kgwebo, go reka le go rekisa dikuno le ditirelo, le go duela melato ka mafaratlhatlha a Inthanete.
E tlhalosa go gwebisana ka tlhamalalo ka mafaratlhatlha kwa ntle ga go lebana mo matlhong ga ditlhopha tse pedi tse di amegang mo kgwebong.
Mosola wa e-Commerce ke ofe?
Bagwebipotlana ba ka fitlhelela dikgolagano le bagwebisani mmogo gongwe le gongwe mo lefatsheng ka bophara. Bagwebi ba ka rekisetsa badirisi ba bona thoto e se mo mebarakeng e e tlwaelegileng, ba ka batlisisa le ka ga mebaraka e mentshwa le go fitlhelela ditshono tsa kgwebo bonolo.
Bagwebi ba bannye ba ba sa kgoneng go tlhoma diofisi le ditheo tse dingwe kwa mafatsheng a kwa moseja jaanong ba ka oketsa ditshiamelo tsa kgwebo ya bona mo dikhutlong tse nne tsa lefatshe.
Dikgwebo di ka kgona go kokoanya tshedimosetso ka ga dikuno, ka ga bareki le ba ba gaisanang natso ka go dirisa mafaratlhatlha a Internete, ka go rialo di kgone go oketsa tšhono ya tsona mo kgaisanong eo.
Dikgwebo di ka kgona go tshegetsa tšhono ya tsona mo kgaisanong e, ka go tlhoma dikgolagano tse di tletseng le badirisi le bareki nako nngwe le nngwe, bosigo le motshegare, go bona tshedimosetso ya sesweng ka ga dikuno le ditirelo ka mafaratlhatlha a Internete. Mo letlhakoreng je lengwe, tshedimosetso e ka ntšhwafadiwa nako nngwe le nngwe, go phimola bothata jwa tshedimosetso e e fetilweng ke nako.
Mafaratlhatlha a Inthanete a direla ditlamo di le dintsi mo mebarakeng ya se-eleketeroniki mo lefatsheng ditshono tsa go babatsa dikuno tsa tsona. Dikgolagano le bareki le tsona di ka tokafadiwa thata ka botlalo.
Ka go dirisa bokgoni jwa diphasalatso tsa mefuta e e farologaneng sebopego sa kgwebo, maina a dikuno le ditirelo di ka tlhomiwa sentle ka tshwanelo ka go dirisa mafaratlhatlha a Internete.
Dintlha ka ga tshedimosetso ya dithekiso di ka kokoanngwa ka nepagalo "go fokotsa go wela tlase ga dikuno" le ditshenyegelo tsa go tsamaisa kgwebo.
E-Commerce e ka tsenya tshedimosetso ya badirisi ka tlhamalalo mo sefalaneng sa tshedimosetso, ka go rialo kgwebo e kgone go sekaseka mekgwa ya badirisi le go babaletsa modirisi mongwe le mongwe ka sebele go ya ka mekgwa ya gagwe ya go reka.
E-Commerce ya Kgwebo-go-Kgwebo (B2B) e tlhalosa kgwebo e e rekisetsang dikgwebo tse dingwe. Mo mefuteng yotlhe e mengwe ya e-Commerce, mokgwa o wa go dira kgwebo se-eleketeroniki ka mafaratlhatlha a Internete kgotsa ka go Refosana Tshedimosetso Se-eleketeroniki, o tlhoka go ditirisiwa thata ka botlalo ka o na le kgonagalo e kgolo ya go godisa kgwebo.
Kgwebo-go-Modirisi: Kgwebo e direla badirisi ditshiamelo tsa go reka ka tlhamalalo ka mafaratlhatlha a Internete, mme ka go rialo e ba letla go reka le go duela melato ya bona ka tlhamalalo ka mafaratlhatlha a. Mofuta o wa go babatsa dikuno o somarela nako le ditshenyegelo tsa kgwebo le modirisi ka bobedi.
Modirisi-go-Modirisi: badirisi ba ka babatsa dikuno tsa bona ka sebele mo mafaratlhatlheng ka moemedi wa websaete gore badirisi ba bangwe ba di labalabele.
Puso-go-Moagi: mo ditirelong di le dintsi tse di abiwang ke Puso, bontsi jwa tsona bo ka dirwa ka mafaratlhatlha a diphasalatso tsa se-eleketeroniki. Ka go abela setšhaba ditirelo ka mokgwa wa se-eleketeroniki ga go somarele baagi nako le ditirelo tsa maemo a a kwa godimo fela, mme go tokafatsa le boleng jwa ditirelo le go somarela ditsheneyegelo. Ditirelo tse di akaretsa go duela melato ya Puso, go rulaganya difaele tsa difomo tsa lekgetho, go kwadisa batlhophi le go ntšhwafatsa dilaesense tsa go kgweetsa le tsa dikoloi, mo gare ga tse dingwe.
Puso-go-Dikgwebo: mokgwa o wa kgwebo gantsi o tlhalosiwa e le tsela e Puso e rekang ka yona thoto le ditirelo ka diphasalatso tsa se-eleketeroniki go tshwana le mafaratlhatlha a Internete. Mokgwa o ke wa mafaratlhatlha a go aba ditirelo ka tlhamalalo, ka go reka thoto le go kopa ditirelo le dikuno ka dithendara.
Ke eng o tshwanetse go ikgolaganya le e-Commerce?
Ditlhokego tsa botlhokwa ke dife?
Ditshenyegelo tse dingwe tsa go dira ka e-Commerece ke dife?
Mafaratlhatlha a Inthanete a tlametswe ka tshireletso e kgolo. Ka mafaratlhatlha a dimilione-milione tsa dikhomputa tse di lomagantsweng mmogo, Internete e dumelela ditlhaeletsano tsa bonako jwa ponyo ya leitlho le go fetisa tshedimosetso, go akarediwa le go duela melato, go dikologa lefatshe ka bophara. Go oketsega ga bontsi jwa tshedimosetso e e tshwanetseng go romelwa se-eleketeroniki go tlhodile tlhokego e kgolo ya gore dikgolagano tse di babalesege ka botlalo.
Mokgwa wa mokwalo o o sa buisegeng mo go mang le mang o tla go netefaletsa gore o tla nna le sephiri, bonnete jwa motswedi wa tirelo, seriti le gore o se tsenwetsenwe ke mang le mang.
A Dikgatlhegelo tsa Badirsi di ka Nna mo Kotsing?
Badirisi ba tshwanetse go nna le bonnete jwa gore thoto le ditirelo tse di abiwang mo mafaratlhatlheng ke tse di ikanyegang; le gore ba sedimosediwe pele ka botlalo fa ba batla go kopa sengwe ka tlhamalalo le gore mekgwa ya go baakanya diphoso, e teng fa ba sa itumelela mabaka mangwe a kgwebisano.
Mokgwa wa mokwalo o o sa buisegeng mo go mang le mang ke eng?
Mokgwa wa mokwalo o o sa buisegeng ka gope mo go mang le mang ke tsela ya go tshola tshedimosetso e e romelwang e babalesegile le go sireletsa mokwalo o o ka se bonagaleng ka gope. Se se letla batho gore ba itirele kgwebo ya kwa dibankeng ka tlhamalalo, kgwebo ya tlhamalalo, le go reka ka tlhamalalo ba dirisa dikarata tsa kerediti tsa bona, kwa ntle ga go boifa sepe sa gore tshedimosetso ya diakhaonte tsa bona e ka utswiwa. Mokwalo o o sa buisegeng o botlhokwa thata mo go goleng ga mafaratlhatlha a Inthanete le kgwebisano ya se-eleketeroniki ka o re kgontsha go netefatsa go babalesega ga melaetsa, go fitlhelela le go laola metswedi ya tshedimosetso.
Mokwalo o o sa buisegeng le go rarabolola mokwalo o, ke eng?
Go dira gore mokwalo o se ke wa kgona go buisega ke mokgwa wa go fetola tshedimosetso gore, ka maikaelelo le mabaka a a botlhokwa, o se ke wa buisega ka gope kwa ntle ga sedirisiwa se se o rarabololang (senotlolo sa go ranola tshedimosetso). Maikaelelo magolo a ona ke go netefatsa sephiri sa khupamarama ka go tshola tshedimosetso e fitlhetswe batho ba ba sa tshwanelang go e fitlhelela. Go ranola mokwalo o, ke go busetsa morago go o lotlolola; le go fetolela tshedimosetso e e lotletsweng mo maemong a e ka buisegang bonolo ke mang le mang. Molaetsa wa kwa tshimologong o bidiwa gore ke molaetsa o o bonolo. Molaetsa o o fitlhilweng o bidiwa dikwalo tse di tshwanetseng go ranolwa. Mokwalo o o sa buisegeng o tlhalosa mokgwa mongwe le mongwe wa go fetola molaetsa o o bonolo go nna molaetsa o o lotleletsweng. Go ranola molaetsa o o fitlhegileng ke mokgwa wa go fetola molaetsa o go nna molaetsa o o bonolo o o ka buisiwang ke mang le mang.
Go Saena ga Sedijithale ke eng?
Go saena ga sedijithale, ga go a tshwanela go tlhakatlhakanngwa le setifikeiti sa dijithale, mme ke go saena ka mokgwa wa se-eleketeroniki mo go ka dirisediwang go supa motho yo a rometseng molaetsa, motho yo o saenetseng dikwalo, kgotsa mong wa karata ya go reka ka molato ya kerediti. Go ka dirisiwa gape go netefatsa gore diteng tsa kwa tshimologong tsa molaetsa kgotsa tsa dikwalo tse di rometsweng ga di fetolwe ka gope. Go saena ga dijithale ka tlwaelo go tlhamiwa ka go dirisa setifikeiti sa dijithale ka go dirisa thekenoloji ya senotlolo sa botlhe le sa motho ka nosi sa poraefete.
Setifikeiti sa Dijithale ke eng?
Setifikeiti sa dijithale ke setifikeiti sa faele e e kgethegileng, e e rebolwang ka mokgwa wa senotlolo sa botlhe, se se golaganyang motho le senotlolo sa go lotlelela melaetsa e e sa tshwanelang go balega, sengwe le sengwe sa motho ka sebele sa poraefete se se tshwanetseng motho yoo, se tshwanetse go kwalwa go dirisiwa senotlolo sa "botlhe". Ke fela motho yo o letleletsweng go dirisa senotlolo se, yo o nang le bokgoni jwa go ranola tshedimosetso ka go dirisa senotlolo sa bobedi, se se tshwerweng sephiri sa khupamarama mo bathong botlhe, tshedimosetso eo e ka se ke ya buisega ka gope. Maatla a tshedimosetso e e fitlhegileng e e sa balegeng a thibela gore batho ba ba sa letlelelwang ba se ke ba notlolola tshedimosetso eo.
Bothati jwa Setifikeiti ke eng?
Bothati jwa Setifikeiti (CA - Certification Authority), ke bothati jwa mafaratlhatlha jo bo rebolang le go tsamaisa pabalesego le senotlolo sa botlhe tse di notlelang le go notlolola melaetsa. Bothati jwa Setifikeiti bo netefatsa bonnete jwa dikwalo go supa mong wa tsona ka sebele kgotsa mokgatlho wa tsona pele bo ka rebola setifikeiti sa dijithale.
Leina la mafaratlhatlha ke eng?
Leina la mafaratlhatlha ke leina le le ka gakologelwang bonolo, leo ka lona tirelo e ka fitlhelelwang bonolo mo Inthaneteng. Fela jaaka batho ba na le diaterese tse di tlhalosang ka botlalo kwa ba nnang teng, Leina la mafaratlhatlha ke la se-eleketeroniki go tshwana le aterese ya bonno jwa motho, fela mo maemong a se-eleketeroniki.
Go botlhokwa go farologanya magareng ga maina a mafaratlhatlha le diaterese tsa (Porothokolo ya Inthanete), "IP". Motšhini mongwe le mongwe o o lomagantsweng le Inthanete o na le aterese e e kgethegileng ya IP (e ka dinako dingwe e bidiwang gore ke nomoro ya IP). Aterese e e thusa gore melaetsa le tshedimosetso di romelwe ka nepagalo kwa motšhining oo. Sekai sa aterese ya IP ke: "160.124.112.
Go thibelela mo mokwalong o o sa buisegeng kgotsa Bogodu jwa Mafaratlhatlha ke eng?
Go thibelela mo mafaratlhatlheng" kgotsa "bogodu jwa mafaratlhatlha" ke go dirisa botlhaswa ditshwanelo tsa mong wa leina la kgwebo ka go kwadisa ka maikaelelo le ka mokgwa o o bosula leina la mafaratlhatlha, e se go le dirisa ka yona nako eo, fela legale e le go kwadisa leina la mafaratlhatlha ao mo leineng la mong wa kgwebo, gore o tle o mo duedise tlhwatlhwa nngwe. Se ke go romela badirisi go sele le go ba tlhakanya tlhogo kgotsa go ganela setlamo ka bokgoni jwa go tlhoma mafaratlhatlha a se tla a fitlhelelang bonolo ka tlhamalalo.
Ke eng go tlhokagala melawana e mentšhwa?
Melawana ya semolao ya go tsamaisa kgwebo e tlhabolotswe ka ntlha ya go dirisa dipampiri ga setšhaba. E-Commerce e dirisiwa mo mafelong a a sa itsiweng kwa a leng teng, mo setšhabeng se se senang melelwane; tota le bontsi jwa melawana e e tlhabolotsweng ka ntlha ya kgwebisano ya mo maemong a setso, e e sa lekanang maemo a mantšhwa-ntšhwa a, a kgwebo.
Ke ka ntlha ya lebaka le, mo Puso e tsereng matsapa a go tlhoma thulaganyo ya semolao go siamisa merero e e tlhaelang ya semolao mabapi le e-Commerce, mme ka kakaretso le go tlhotlheletsa kgwebisano ya se-eleketeroniki mo Aforika Borwa. Mo maemo a, a tla kgontshang setšhaba go tsamaisa kgwebo a diretswe ditshiamelo ka Molaotlhomo wa Ditlhaeletsano tsa Se-eleketeroniki le Kgwebisano (Molaotlhomo wa-E, E-Bill) o o tla fetisiwang go nna molao mo tsamaong ya nako.
Molaotlhomo o dira ditshiamelo tsa gore dikonteraka di tlhamiwe ka mokgwa wa se-eleketeroniki di be di amogelwe semolao.
Molaotlhomo o dira ditshiamelo tsa go sireletsa badirisi semolao mo maemong a se-eleketeroniki. E aba tshedimosetso, e e tshwanetseng go rebolelwa badirisi pele go konosediwa kgwebo ka tlhamalalo (se se akaretsa tlhwatlhwa ya dikuno kgotsa ditirelo, dintlha tsa go ikgolaganya le bagwebisane mmogo le ditshwanelo tsa go intsha mo kgwebisanong ya se-eleketeroniki pele e konosediwa). Gape o dira tshiamelo ya paka ya nako ya "maemo a moriti o o tsididi" eo mo go yona badirisi ba ka phimolang kgwebisano e e konoseditsweng ka tlhamalalo kwa ntle ga go otlhaiwa ka go duedisiwa. Badirisi ba na le ditshwanelo tsa go se gapelediwe ditlhaeletsano tse e seng tsa semolao ka go ba abela thoto le ditirelo. Molaotlhomo o gape o rwesa dikgwebo boikarabelo jwa go dira kgwebo ka tlhamalalo gore di tle di kgone go dirisa lenaane la go duela melato le le babalesegileng le le le lekaneng.
Go dirilwe ditshiamelo mo Molaotlhomong tsa go amogela go saena ga se-eleketeroniki le "go saena mo go tsweletseng pele ga se-eleketeroniki". Molaotlhomo o amogetse semmuso mekgwa yotlhe ya go saena ga se-eleketeroniki go nna le maemo a semolao a a tletseng le go netefalediwa go lekana le go saena ka seatla sa motho ka sebele.
Karolo ya bo XII ya Molaotlhomo e tsenya mo dibukeng tsa semolao tsa Aforika Borwa merero e e tsamaelanang le bosenyi e e mabapi le manaane a tshedimosetso. Bosenyi jo bo tsamaelana le go fitlhelela mafaratlhatlha mo go sa dumelelwang semolao; go kgoreletsa kgotsa go sunya nko mo tshedimosetsong; go tlhakatlhakanya mafaratlhatlha a dikomphiutara, bogodu kgotsa go tsietsa. Motho mongwe le mongwe yo o thusang kgotsa yo o emang nokeng motho yo mongwe go dira ditiro tsa bosenyi jo, le ena o tla latofalediwa gore o ntse le seabe fa go dirwa tiro eo ya bosenyi. Molaotlhomo o tlhomile kotlhao e ka yona, fa motho a bonwe molato wa bosenyi jwa mofuta o, a ka otlhaiwang ka yona.
Ke eng Puso e tshwanetse go Amega mo melaong e e tsamaisang e-Commerce?
Seabe sa Puso se botlhokwa go tlhoma maemo a a kgontshang go oketsega ga ditshiamelo tsa e-Commerce le go tlosa mabaka a a sa itumediseng a a ka tlholang kgonagalo ya dikgoreletsi le maparego mo ditlhaeletsanong tsa se-eleketeroniki le merero ya kgwebo.
Ka go rotloetsa maemo a a netefaditsweng a semolao le boikanyego mo bagwebing le badirisi fa ba gwebisana ka tlhamalalo.
Ka go sireletsa badirisi semolao ka botlalo.
Ka go dira ditshiamelo tse di lekaneng tsa gore motho a kgone go fitlhelela mafaratlhatlha le ditirelo.
Ka go amogela gore ditheo tsa di-SMME di amogele e-Commerce le go e phasalatsa ka bonako gore e dirisiwe ke baagi botlhe ba Aforika Borwa.
Ka go rotloetsa le go gatelela gore botlhe ba itse le go rutiwa ka ga merero ya e-commerce.
Ka go tlhoma Puso mo maemong a a siametseng gore e dirise e-Commerce.
<fn>tsn_Article_National Language Services_tshwaro.txt</fn>
Maikaelelo a go tshwara ke eng?
Ka fa o tshwarang motho ka teng.
Batlhankedi ba sepodisi ba ka thuntsha mmelaelwa yo o tshabang leng?
Maikaelelo a tshwaro ke eng?
1 Melawana ya tiriso ya maatla ka nako ya tshwaro.
Batlhankedi ba sepodisi ba ka thuntsha mmelaelwa yo o tshabang leng?
Tshwaro ke mokgwa wa semolao wa go bona go nna teng ga molatofadiwa mo kgotlatshekelo. Motho yo o tshwerweng o tsewa a se na molato go fitlha a fitlhetswe a le molato. Ka lebaka le motho mongwe le mongwe yo o tshwerweng o tshwanetse go tsholwa ka setho le go ya ka molao.
Tlhokomediso go motlhagisi Go na le diphousetara ka ditshwanelo tsa batho ba ba tshwerweng. Phousetara e tshwanetse go bewa mo leboteng pele kokoano e e simolola.
Maikaelelo a tiragatso ke go neela maikemisetso a kokoano.
Buisetsa baithuti maikemisetso.
Ba botse gore a ba tlhaloganya maikemisetso.
Tlhalosa, fa go tlhokega.
Gore karolo 38 ya Molao wa Tsamaiso ya Modiramolato e tlamelela boleng bo bo fokoditsweng go le gonnye go na le tshwaro go bona go nna teng kwa teng kgotlatshekelo.
Mekgwa e e tshwanetse go sekasekwa pele go tlhophiwa go tshwara gonne karolo 36 (e) ya Molaotheo ya re o tshwanetse go lebelela kwa boleng bo bo fokoditsweng go le gonnye go fitlhelela lebaka (mo lebakeng le go bona go nna teng ga motho kwa kgotlatshekelo). Tshwaro ka jalo e tshwanetse go dirisiwa fela jaaka boitlhophelo jwa bofelo.
kitsiso e e kwadilweng; le tatofatso go ya ka ditshiamelo tse di maleba tsa Molao o.
Tshwaro ga se mokgwa wa nakwana wa go tlosa motho mo setšhabeng gore go phepafadiwe lefelo, e bile ga se mokgwa wa kotlhao.
Motho a ka tshwarwa ka kana kwa ntle ga thebolelo. Gakologelwa go botoka ka gale go bona thebolelo. Mesola ke gore seno se sireletsa mapodisa mo ditleleiming tsa selegae le go tlhomamisa gore tshwaro le go bona bopaki go go tla latelang go tla bo go le mo molaong.
Ditemana 2.2 le 2.
Maikaelelo a tiragatso ke go buisana ka maikaelelo a tshwaro le mekgwa e mengwe ya go bona go nna teng kwa kgotlatshekelo.
Maikaelelo a tshwaro ke eng?
Pelaelo ya go se na molato e kaya eng?
Ke mekgwa efe e mengwe e e leng teng go na le wa go tshwara go bona gore mmelaelwa o ya kgotlatshekelo?
Kopa baithuti go neelana ka tse di builweng. Dira puisano ya kakaretso o be o sobokanya.
Pelaelo ya go se na molato mo kgetseng ya S v Zuma 1995 SA 642 (CC) - 1995 bclr 401 (SA) pelaelo ya go se na molato e ne ya lebelelwa.
bonwa go tswa go magiseterata kana rakagiso, yo o tsenyeletsang mothati wa motlhankedi wa mapodisa yo o nang le renke ya bokapoteine le go ya godimo.
Go na le mabaka a le mantsi a mo go ona motho a ka tshwarwang kwa ntle ga thebolelo. A mangwe a ona a tlhalositswe mo go karolo 40 ya CPA. Gakologelwa gore go na gape le peomolao e e tlamelelang tshwaro kwa ntle ga thebolelo, sekao karolo 40 ya CPA.
Mokgwa wa go tshwara motho o tlhalosiwa mo go karolo 39 ya CPA.
Motho a ka tshwarwa ka thebolelo ya tshwaro (karolo 43 ya CPA) kana kwa ntle ga thebolelo ya tshwaro (karolo 40 ya CPA).
Fa motho a ineela go tshwarwa ga go tlhokege go kgoma motho yoo.
Fa motho a sa ineele kwa go tshwarweng maatla fela a a lekaneng jaaka a tlhokega (maatla a a lekaneng) a ka dirisiwa go diragatsa tshwaro.
Motho yo o diragatsang tshwaro o tshwanetse, ka bonako mo go tshwareng, a itsise motshwarwa lebaka la tshwaro.
Fa motho a tshwerwe ka thebolelo ya tshwaro khophi e tshwanetse go tlamelwa fa e kopiwa.
Tseo ya go se na molato e tsamaelana le tshwanelo kgatlhanong le go itshwarisa ka nosi le tshwanelo mo go didimaleng.
Motho yo o belaelwang ga a tlhoke go thusa naga go fenya kgetse. Fa naga e latofatsa mongwe, naga e tshwanetse go supa kwa ntle ga pelaelo gore motho o molato.
metsotso bonako jo bo utlwalang bo kgonega go ya ka mabaka ka ditshwanelo tse di tiiseditsweng mo go karolo 351 le 2 ya Molaotheo. Motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go itsise le go tlhalosa ditshwanelo tsotlhe tse kwa motshwarweng le go tlhomamisa gore o a di tlhaloganya go ya ka Karolo 354 ya Molaotheo.
Motho yo o tshwerweng ka gale o tsewa a se na molato go fitlha a bonwe molato mme o tshwanetse ka gale a tshwarwe ka seriti le tlotlo, go lebeletswe tshwanelo kwa kgololosegong le tshireletso ya motho.
Tshwaro ke tekanyetso e e masisi mo ditshwanelong tsa botho tsa motho. Tshwaro e lekanyetsa ditshwanelo tse di farologaneng tsa motho.
Batho botlhe ba tshwanetse go tsholwa ka kamogelo, seriti le tlotlo. Motlhankedi wa sepodisi ga a tshwanela go rogana kana go dirisa puo ya tshotlako kwa motho yo o tshwerweng, gonne seno se tla gataka seriti sa motho. Fa motlhankedi wa sepodisi a sa tlotle seriti sa motho tiriso botlhaswa ya dithata le bothati e tshwanela go ka tlhagelela. Maitsholo a motlhankedi wa sepodisi a tla atlholwa ka tlhamalalo kgatlhanong le karolo 10 ya Molaotheo.
Ditemana 2.4 le 2.
Maikaelelo a tiragatso e ke go dira gore batlhankedi ba sepodisi go akanya ka ditshwanelo tsa batshwarwa le maikarabelo a bona le maikarabelo a batshwarwa.
Ke tsela efe e e siameng ya go tshwara motho?
Ditshwanelo le maikarabelo tsa batho ba ba tshwerweng ke dife?
Maikarabelo a batlhankedi ba sepodisi ka nako ya tshwaro ke afe?
Motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go itsise motho yo o tshwerweng eng fa a tshwarwa?
Kopa setlhopha go kwala dikarabo.
Bona dikarabo go tswa setlhopheng sengwe le sengwe ka merero e e farologaneng. Kopa setlhopha sengwe le sengwe go neela karabo e le nngwe o be o ya kwa setlhopheng se sengwe go fitlha o na le dikarabo tsotlhe.
Buisanang ka ditshwanelo, dira puisano ya kakaretso o sobokanye.
Karolo 35 ya Molaotheo.
Tshwanelo kwa kgololosegong le tshireletsong ya motho di tsenyeletsa tshwanelo kwa tshiamong ya sebele le saekholoji. (Seno se kaya gore motho o na le taolo mo godimo ga mmele le kakanyo). Tshwanelo kwa tshireletsong kgatlhanong le ikgatholoso ya sebele le saekholoji e tsenyeletsa gore ga go motho yo o ka boithatelo (kwa ntle ga lebaka, ka mantswe a mangwe koo go sa dumelelwang ka Molao wa Palamente kana molao wa boagisanyi) a ka tshwarwa, a tsholwa a tswaletswe le go phuruphudiwa. Mo kakanyong e e sephara, kgololosego ya mong e raya tshwanelo ya motho go sirelediwa kgatlhanong le ditiro tsa boithatelo tsa naga tse dinako dingwe di ka ikgatholosang kana go thibela tshiamo ya sebele le saekholoji ya mong.
Karolo 21 ya Molaotheo: Kgololosego ya motsamao le bonno 21. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya kgololosego ya motsamao.
Tseno ke dikao tsa dingwe tsa ditshwanelo tse di ka lekanyediwang. Go na gape le ditshwanelo tse dingwe tse di ka lekanyediwang ka tshwaro, sekao karolo 14 (Sephiri), karolo 18 (Mokgatlho) le ditshwanelo tse dingwe tse di farologaneng tse di lekanyeditsweng ka tsela nngwe kana e e rileng.
Bukatiro ya Ditshwanelo tsa Botho le ya Tlhokomediso, tsebe.29.
Kaelo ya Kgetsana kwa Ditshwanelong tsa Botho le Tiriso ya Mapodisa tsebe. 18 - 21.
Wena le Molaotheo tsebe. 19.
Mekgwa ya kgatelelo e e seng ya boitshwaro bo bo siameng.
Bonako mo tshwarong o na le ditshwanelo mo go karolo 35 , le 4 ya Molaotheo.
Tshwanelo go nna o didimetse e neela motho yo o tshwerweng boitlhophelo go ka nna a didimetse a se neele seteitemente le go se arabe dipotso kana go dira seteitemente kana go araba dipotso. Go nna o didimetse go kaya gape gore motho ga a tlhoke go bua sengwe ka tshenyo ya ga twe, fela motho o tshwanetse go neela leina la gagwe le aterese ka kopo ya motlhankedi wa kagiso yo o tsenyeletsang motlhankedi wa sepodisi. Karolo 41 ya CPA.
Gore go dirwe boitlhophelo bo bo tlhaloganyang, Molaotheo o gapeletsa motlhankedi yo o tshwarang go itsise motho yo o tshwarang ka ditlamorago (bokao) tsa go se nne o didimetse. Seno se kaya gore fa motho a dira seteitemente, motho yoo o tshwanetse go tlhokomedisiwa gore seteitemente se tla kwalwa mme se ka dirisiwa jaaka bopaki mo kgotlatshekelo ya molao.
Go se gapelediwe go dira kamogelo kana maipobolo kgatlhanong le thato ya bona.
Go se nne motho yo o gapelediwang go dumela kana maipobolo kgatlhanong le thato ya bona. Fa motho a gapelediwa ka tsela efe go dira seteitemente, seteitemente se se jalo se tla se ke se amogelwa (ga se ne se tsewa jaaka bopaki) mo kgotlatshekelo ya molao, (dikarolo 217 le 219A tsa CPA).
Mo kgetseng ya S kgatlhanong le Zuma 1995 SA 642 (CC) - 1995 BCLR 401 (SA) morero wa maipobolo o ne wa lebelelwa.
Fa motho yo o seng molato a re maipobolo ba gagwe bo ne jwa dirwa ka fa tlase ga kgatelelo, maatla, pogiso, tshosetso kana tsholofetso (ka mantswe a mangwe e seng ka bolokologi le ka boithaopo) ga a tlhoke go supa gore ga a bo dira ka bolokologi le boithaopo.
Bosekisi(mapodisi) le mosekisi di tshwanetse go supa gore maipobolo a a dirilweng kwa go magiseterata a dirilwe ka bolokologi le boithaopo.
Beile ke mokgwa wa go fokotsa tekanyetso ya tshwanelo ya motho kwa kgololosegong le tshireletsego (karolo 12 ya Molaotheo). Beile ke mokgwa gape go tlhomamisa gore motho o tla emela tsheko. Babelaelwa ba ka gololwa ka beile ya mapodisa (tsa melato e e seng masisi) kana ba ka dira kopo pele ga mosekisi kana kgotlatshekelo ya molao.
Motho yo o tshwerweng o na le tshwanelo go gololwa go tswa botshwarong fa digatlhego tsa bosiamisi di letla, go ya ka maemo a a utlwalang (Karolo 35 (f) ya Molaotheo). Thswanelo go gololwa go tswa botshwarong ka kana kwa ntle ga beile, kwa ntle ga fa dikgatlhego tsa bosiamisi di tlhoka ka tsela nngwe, e tshwaragantswe ka bogaufi le tshwanelo ya kgololosego le tshireletsego ya mong le tshwanelo gape go bonwa o se na molato go fitlha o bonwa molato ke kgotlatshekelo e e nonofileng.
Fa motho yo o tshwerweng (mmelaelwa) a tla baya mo kotsing pabalesego ya setshaba kana motho mongwe le mongwe yo o rileng kana kgatlhego ya setshaba, kana a tla dira mametlelelo 1 ya molato.
Fa motho yo o tshwerweng a ka leka go tshabela tshekiso.
Fa motho yo o tshwerweng a ka leka go tlhotlheletsa kana go tshosetsa dipaki kana go fitlha kana go senya bopaki.
Botsa baithuti fa ba itse pharologano magareng ga dikamogelo le maipobolo.
Boipobolo ke kamogelo ya dielemente tsotlhe tsa tshenyo mme bo ntsha mabaka otlhe a go itlhatswa. Fa bo dirilwe mo kgotlatshekelo ya molao, bo tla lekana le boikopelo jwa molato.
Kamogelo ke seteitemente kana maitsholo a a kana a ka nna mosola go motho yo o e dirang (sekao go dumela elemente ya molato) fela ga e lekane le boipobolo.
Maikaelelo a tiragatso e ke go buisana ka beile.
Laela baithuti go buisana ka potso le ditheo tse di dirang mo kopong ya beile.
Motho yo o tshwerweng a ka kopa beile leng le gona kae?
Motho yo o tshwerweng o tshwanetse go itsisiwe ka tshwanelo go kopa beile ka bonako bo bo kgonegang (Karolo 50 ya CPA). Molao, 1997 wa Tlhabololo ya Bobedi wa Tsamaiso ya Modiramolato (Molao Nomoro 85 wa 1997) o o tseneng mo tirisong ka di 1 Phatwe 1998, o fetotse dintlha dingwe tsa ditsamaiso tsa beile.
Fa mmelaelwa a ka nyatsa kana tsenya mo kotsing maikemisetso kwa go direng go go siameng ga tsela ya tshiamiso ya modiramolato.
Molao wa Tlhabololo ya bobedi ya Tsamaiso ya Modiramolato o okeditse lebaka la botlhano kwa go karolo 60.
foo mo mabakeng a a itlhopholotseng go nang le kgonego ya gore kgololosego ya mmelaelwa e tla tshwenya tolamiso ya setšhaba kana go nyatsa kagiso ya setšhaba kana tshireletso.
d. gore a kakanyo ya kagiso le tshireletsego magareng ga maloko a tshwanetse go tlisiwa mo kgotlatshekelong ya motshegare, seno se kaya gore magareng ga 0:00 go ya 16:00.
Kopo ya beile ka jalo ga e ne e tlhola e tlisiwa kwa kgotlatshekelo morago ga diura.
Babelaelwa ba ka nna ba gololwa ka beile ya mapodisa (ka melato e e kwa tlase). Beile ya lepodisa le e ka newa le morago ga diura. Fa motlhankedi wa sepodisi a sa kgone go aba beile go ya ka karolo 59 ya CPA kana a gana go aba beile, motlhankedi wa sepodisi yo o jalo o tshwanetse go isa motho yo o tshwerweng kwa kgotlatshekelo ya molao go dira kopo ya beile ka bonako bo bo kgonegang. Gakologelwa gore kopo e ka tlisiwa fela mo diureng tsa kgotlatshekelo.
Ka bonako jo bo kgonegang go kaya ka bonako jo bo kgonegang ka fa tlase ga mabaka. Seno se ka kaya, sekao, mo lebakeng la go kgweetsa o jele ntshe gore motlhankedi wa sepodisi o isa pele motho yo o tshwerweng kwa ngakeng ya kgaolo go dira gore sampole ya madi e tsewe pele go tseelwa motho yoo kwa kgotlatshekelo. Lebaka la se ke gore sampole ya madi e tshwanetse go tsewa mo diureng tse pedi tsa tshwaro.
Babelaelwa ba ka gololwa ka beile e e rebotsweng ke basekisi ba naga. Beile e e ka rebolwa gape morago ga diura, fela e ka se gapelediwe ke motho yo o tshwerweng mme e kwa tshwetsong ya motlhankedi wa sepodisi.
e. fa e le gore kgololo ya mmelaelwa e tla nyadiwa mo kana go tsenya mo kotsing tsholofelo ya setšhaba mo mokgweng wa tshiamo wa modiramolato; kana f. lebaka lengwe le lengwe le mo kakanyong ya kgotlatshekelo le tshwanetseng go sekasekiwa.
Fa nngwe kana pedi ya mabaka a a le teng ke tiro ya motlhankedi wa sepodisi go lwantsha beile. Ka jalo o tlhoka go dira patlisiso fa o rata go ganetsa beile.
ya CPA. Fa kgotlatshekelo e rebola pusetsomorago, o ka dirisa nako e go kgobokanya bopaki bo o tla bo tlhokang go ganetsa kopo ya beile.
Le fa mmelaelwa a na le tshwanelo kwa beileng a ka se thibelelwe go dira kopo ya beile kwa kgotlatshekelo ya molao, go na le ditiro tsa tsamaiso di le mmalwa go dirwa pele motho a ka isiwa kgotlatshekelo go dira kopo ya beile, jaaka go dira rekoto ya tshwaro le go tsaya dikgatiso tsa menwana le disampole tsa madi. Kwa ntle ga fa motho a rata go dirisana, tirisanommogo mo go fetseng ditiro tsa tsamaiso le patlisiso di tla tshwanetse go dirwa maemo a beile.
Tshwetso malebana le mokgwa o wa beile, go botoka gore beile e tshwanetse go rebolwa nako le nako fa go kgonega. Mosekisi o tshwanetse go buisana le motlhankedi yo o batlisisang pele beile e ka rebolwa.
Mo kgetseng ya Mosekisi-Kakaretso, Vrystaat v Ramakhosi 1996 A11 SA 207 (C) Go ne go tshotswe gore Mmueledi Kakaretso ga a supa gore go na le kgonego ya gore moikarabedi o tla tsenya mo kotsing pabalesego ya setšhaba kana motho ofe kana ofe yo o rileng kana kgatlhego ya setšhaba kana go diragatsa sekedule mo molatong fa a ne a tshwanetse go gololwa ka beile (tsebe. 219 B-C). Kgotlatshekelo le yona e fitlhetse mo dintlheng gore go na le go se na kgonego ya gore o tla leka go tshabela tsheko ya gagwe kana go leka go tlhotlheletsa kana go tshosetsa dipaki kana go fitlha kana go senya bopaki. (tsebe. 235 F-G). Kgotlatshekelo e sweditse ka go bontsha gore jaaka patlisiso e santse e tla tswelela dikgwedinyana, mmelaelwa, yo e leng rakgwebo, o tla latlhegelwa thata ke madi fa beile e ne e ka gannwe mme, ka jalo gore kgatlhego ya bosiamisi ga e tlhoke tshwaro e e tswelelang ya mmelaelwa.
Fa o sa tlhoke go tshwara motho mo thapameng pele ga bokhutlo bo bo leele ba beke, o se ka wa dira jalo.
Ga se tiro ya motlhankedi wa sepodisi motho yo o tshwerweng o tshwanetse go tlisiwa kwa kgotlatshekelo ya molao mo diureng tse 48 morago ga tshwaro. Karolo 35 (d) ya Molaotheo e ya pejana ka go tlhomamisa gore motho a se tlisiwe fela fa pele ga kgotlatshekelo mo diureng tse 48, mme gore motho o tshwanetse go isiwa kwa kgotlatshekelo ya molao ka bonako bo bo kgonegang. Nako ya diura tse 48 ke nako e e lekaneng mme tiro e sala le sepodisi go tlisa motho kwa kgotlatshekelo ka nako e e bonako bo bo kgonegang mo go utlwalang. Nako ya diura tse 48 e simolola ka bonako jaaka motho a tshwarwa mme a amogiwa kgololosego ya gagwe. Fa sepodisi ka jalo se ka nna mo maemong a go tlisa motho kwa kgotlatshekelo ka nako e e bonakonyana, mme ba tlholega go dira jalo, go tsholwa go go leele go ka fitlhelwa go ne go se mo molaong.
Motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go itsise motho yo o tswaletsweng motho yo o tshwerweng ka bonako ka tshwanelo go tlhopha le go golagana le modiri wa semolao. Motho yo o tshwerweng o tshwanetse go itsisiwe ka bonako ka tshwanelo ya go nna le modiri wa semolao yo a mo abetsweng ke naga le ka ditshenyegelo tsa naga, fa bosiamolodi bo bo itshetlhetseng bo ka re gongwe ba tlhagelela karolo 352b le c. Mo tirisong seno se tla swediwa ke motlhankedi wa thuso ya semolao.
Kwa motlhankeding wa sepodisi seno se kaya gore o tshwanetse go neela motho yo o tshwerweng tšhono go golagana le go otlhaya mmelaelwa.
Motho o tsewa a se na molato go fitlha a bonwe molato.
Ke dikgotlatshekelo mme e seng motlhankedi wa sepodisi go otlhaya badiramolato.
Tshwaro e e seng mo molaong le tiriso e e feteletseng ya dikgoka e ka isa kwa tswalelong e e seng mo molaong mme e ka isa kwa ditleleimeng tsa selegae, dikgetse tsa botlolamolao le kemiso nakwana tota.
Motho yo o latofadiwang a ka tleleima tshwanelo go newa kemedi ya semolao e e duelwang ke naga, fela seno se tla dumelelwa fela foo kgotlatshekelo e akanyang gore fa motho yo o latofadiwang a se na mmueledi, go tla nna le "bosiamolodi bo bo utlwalang."
Motho yo o latofadiwang yo o tlametsweng ka mmueledi ke naga a ka se tlhophe mmueledi yo o rileng.
Go mo go moatlhodi kana magiseterata go swetsa gore a go tla nna le "bosiamolosi bo bo utlwalang" fa molatofadiwa a sa newa kemedi ya semolao ka ditshenyegelo tsa naga.
Gakologelwa: Batho botlhe ba ba tshwerweng ke batho ba ba tswaletsweng gape mme ba na le ditshwanelo tse di tshwanang jaaka batho ba ba tswaletsweng. Ditshwanelo tse di tla tlhalosiwa ka fa tlase ga kgaolo mmueledi wa gagwe. Fa motho a se na mmueledi o ka mo tlamela ka maina a babueledi mo lefelong la gago kana ka nomoro ya mogala ya Boto ya Thuso ya Semolao kana mekgatlho e mengwe e e tshwanang mo lefelong la gago. Tlhomamisa gore o na le dinomoro tsa megala tse le gore o itse motlhankedi wa thuso ya semolao kwa kgotlatshekelo ya selegae.
Motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go tshola motho mongwe le mongwe yo o tshwerweng ka seriti le tlotlo ka nako ya tshwaro (karolo 10 ya Molaotheo : Seriti sa motho). Motho yo o tshwerweng o tsewa a se na molato go fitlha a bonwe molato ke kgotlatshekelo ya molao.
Fa ditshwanelo tsa motho di lekanyeditswe ke tshwaro, tekanyetso e tshwanelwa ke go lekiwa kgatlhanong le ditlhokego mo temaneng ya tekanyetso (karolo 36 ya Molaotheo).
Gore tekanyetso e e lekiwang e tshwanetse pele e tsholwe mo molaong wa tiragatso ya kakaretso. Seno se kaya gore go tshwanetse go nne le Molao wa Palamente o o go nayang tshwanelo kwa tshwarong. Mo dikgetseng tse dintsi e tla nna Molao wa Tsamaiso ya Modiramolato le Melao e mengwe ya Palamente. Molao wa tiragatso ya kakaretso ke molao wa lefatshe, o o e e diranang le batho ba ba tswaletsweng (Karolo 35 ya Molaotheo).
Maikaelelo a tiragatso e ke go dira gore batlhankedi ba sepodisi ba akanye ka tsela e ba ka lekanyetsang ditshwanelo tsa batho le se ba tshwanetseng go se lebelela fa ba lekanyetsa ditshwanelo tse.
Ke ditshwanelo dife tsa batshwarwa tse di ka lekanyediwang?
Ditshwanelo tse di ka lekanyediwa jang?
Ba kope go di kwala fa fatshe.
Ba kope go leka go bona fa tshwaro (ditekanyetso) e tsamaisana le karolo 36 ya Molaotheo.
Amogela ditshwaelo go tswa setlhopheng sengwe le sengwe tsenyeletsang seemo le molao wa boagisanyi.
Ditshwanelo di ka lekanyediwa go fitlha go tekanyetso e e jalo e e utlwalang. Seno se kaya gore tekanyetso e tshwanetse go utlwala mo mabakeng. Fa e le gore go na le mokgwa wa tekanyetso e e kwa tlase o o ka dirisiwang, ka mantswe a mangwe fa o sa tlhoke go tshwara motho, wena jaaka motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go dirisa mokgwa o mongwe.
Tekanyetso e tshwanetse go siama mo setšhabeng se se reetsang sa temokerasi e e ikaegileng ka seriti sa motho, tekano le kgololosego. Seno se kaya gore o tshwanetse gore o be o kgona go tshegetsa ka tolamo ditiro tsa gago morago mokgotlatshekelo ya molao. Setšhaba se se reetsang sa temokerasi se kaya gore batlhankedi ba sepodisi mo ditšhabeng tse dingwe tsa temokerasi ba tshwanetse go dira ka tsela e e tshwanang ka fa tlase ga mabaka a a tshwanang. O tla tshwanelwa ke go tshola mongwe le mongwe ka seriti le tlotlo mme o ntse o ka se kgetholole kgatlhanong le motho ofe kana ofe, go sa kgathalesege gore ke mang. Gakologelwa, motho o tsewa a se na molato go fitlha a bonwe molato mo kgotlatshekelo ya molao.
Go ya ka karolo 36 (a) go ya (e) theo ya tshwano e a dira. Seno se kaya gore kgatako/tekanyetso efe kana efe, go neela sekao, tshwanelo ya motho kwa sephiring kana kgololosego ya motsamao e tshwanetse go tshwana (lekalekana) kwa tlholegong le masising a kotsi e e dirilweng. Go tshwanetse ka jalo go nne le go.
Dira puisano ya kakaretso le tshosobanyo.
Bukatiro ya Ditshwanelo tsa Botho le Tlhokomediso; tsebe. 6.
Dikarolo 10, 12. 14. 21 tsa Molaotheo lekalekana magareng ga tshwanelo ya mong go ya sephiring kana kgololosegong ya motsamao le bogolo jwa kgatako.
Selo sa botlhokwa thata go gakologelwa fa o tshwara mmelaelwa ke gore go tshwanetse go nne le go lekalekana magareng ga go dira tiro ya gago sentle le go tlotla ditshwanelo tsa mmelaelwa. Fa babelaelwa ba tshwarwa, ga ba ise ba bonwe tlolo molato ke kgotlatshekelo.
Ka nako ya tshwaro batlhankedi ba sepodisi ga ba dumelelwe go dirisa dikgoka jaaka mokgwa wa go otlhaya motho yo o tshwarwang. Fa dikgoka di sa tlhokege go tshwara motho, o se ka wa dirisa dikgoka gotlhelele. Fa o tlhoka go dirisa dikgoka go dira tshwaro, dikgoka tsa kwa tlase di ka dirisiwa, go go rayang gore boleng bo bo kwa tlase jwa dikgoka jo bo tlhokegang mo mabakeng.
Dikarolo 11, 12, le 36 ya Molaotheo.
Karolo 13 ya Molao wa SAPS.
Dikarolo 39 le 49 ya Molao wa Tsamaiso ya Batlolamolao.
Ditaelo tse di amanang le tiriso ya dikgoka mo go diragatseng tshwaro. Taolelo ya Tirelo e e Kgethegileng: 31/1/5/3 ya letlha la 1997 - 01- 07.
Athikele 3 ya Maitsholo a Khouto ya Ditšhaba tse di Kopaneng ya Tiisetso ya Molao ya Batlhankedi.
Ditheo tsa Ditšhaba tse Dikopaneng ka Tiriso ya Dikgoka le Ditlhobolo.
Maikaelelo a tiragatso e ke go buisana ka maemo a a farologaneng a dikgoka a a ka dirisiwang ka nako ya tshwaro.
Kopa baithuti go dira puisano ya kakaretso mo maemong a a farologaneng a tiriso ya dikgoka ka nako ya tshwaro, go simolola ka dikgoka tse dinnye tse di ka dirisiwang.
Sobokanya kwa bosephiring ba sebele ba gagwe, mo go tsenyeletsang tshwanelo ya go se tsenngwe kwa go phuruphudiweng ga motho wa gagwe, legae kana thoto kana go tsewa ga ditsagagwe.
Go dirisiwa ga dikgoka go ka tsenelela le ka dinako go lekanyetse bogolo e le nngwe, go feta nngwe, ya ditshwanelo tse di fa godimo. Ka jalo tiriso e ya dikgoka e tshwanetse go nna ka gale go ya ka molao.
A tiriso ya dikgoka e siame, e maleba le gore e a dira?
A tiriso ya dikgoka e ka sirelediwa mo kgotlatshekelo ya molao?
A tiriso ya dikgoka e ne ya baka kgobalo e nnye?
Dirisa fela dikgoka tse di nnye.
Dirisa fela dikgoka tse di lekanang.
Dirisa fela dikgoka tse di tlhokegang go itshireletsa le bafeti ba ba se nang molato le go diragatsa tshwaro.
O tshwanetse go dirisa fela dikgoka tse di tlhokegang go fenya tshosetso, kgano le tlhaselo. Tshosetso fa e le kgolwane, kgano kana tlhaselo, o ka dirisa dikgoka tse dintsi.
Fa motho a gana go tshwarwa masisi a molato wa magatwe o ka tsaya karolo ya botlhokwa mo go swetseng gore go dirisiwa mefuta efe ya dikgoka. Fa e le molato o monnye, o ntse o ka se dirise mefuta e e rileng ya dikgoka.
Fa motho a sa gane go tshwarwa ga o a tshwanela go dirisa dikgoka gotlhelele.
Mefuta e e latelang ya mekgwa e tlhalosa theo ya tekatekano le go bontsha maemo a a farologaneng a a dirisiwang ka nako ya tshwaro.
Fa motho a itlhagisa jaaka motlhankedi wa sepodisi (ka pono le ka go bua). Go baya letsogo go diragatsa tshwaro go kaela kana go gomotsa Kaelo ya puo, ditaelo tsa kaelo kana tshwaro.
Fa motlhankedi wa sepodisi ka go bua a laela kana go laolela motho go dira sengwe. Sekao: Fa mmelaelwa a tshaba mme motlhankedi wa sepodisi a mo goeletsa gore a eme.
Dithekeneki tse di nang le sebaka se se lekaneng sa kgobalo.
Ditemana 2.7, 2,8 le 2.
Maikaelelo a tiragatso e ke go dira gore baithuti ba akanye ka tiriso ya ditlhobolo ka nako ya tshwaro le go buisana ka theo ya dikgoka tse di lekaneng.
Motho mo legetleng a bo a mo laela go tsamaya le ena.
Dithekeneki tse di nang le dikgonego tsa kgobalo. Go dirisa ntlha kgatelelo, tsamaelano le botlhoko, go dumela, go dira ka bowena le dithekeneki tsa tiriso ya ditokololo.
Dikganelo tsa mesifa ya molala e e mo dithoko (fa motlhankedi wa sepodisi a katisitswe), kana pato ya lenao/leoto/letsogo jaaka tiragatso e e maatla ya kgatelelo kwa dikarolong tsa mosifa o o rongwang go tlisa go sa direng ga nakwana ga ditokololo le ka nako e le nngwe ya monagano o o tshogileng. Dipato tse dingwe tse di isang kwa tatlhegelong ya motsamao ya nakwana kana taolo ya mekhenikhale.
CO/OC (gagola) kana gase ya pepere fa e reboletswe ke lefapha go ya ka ditsamaiso tse di gagametseng tsa pabalesego ka batlhankedi ba ba katisitsweng le go dirisiwa go ya ka bokaedi ba semolao bo bo laolang baemedi ba ba dikhemikhale.
Melangwana/ ditlhabano tsa thulano jaaka di reboletswe ke lefapha di dirisiwa ke batlhankedi ba sepodisi ba ba katisitsweng go ya maemong a bokgoni ka tlhoko.
Tiriso dikgoka e e masisi/ditlhobolo kana dithekeneki tsa go falola tse di ka isang kwa 'losong kana kgobatso ya mmele e e masisi (kgobalo e e masisi)'.
Motlhankedi wa sepodisi a ka thuntsa leng mmelaelwa yo o tshabang?
Motho yo o tshwerweng?
Tsamaisa puisano ya kakaretso.
Bukatiro ya Ditshwanelo tsa Botho le Tlhokomediso, tsebe 32.
Ka nako ya tshwaro motlhankedi wa sepodisi a ka tshwanelwa ke go dira mo tshireletsong ya poraefete (itshreletso ka mong). Gakologelwa go dirisa fela dikgoka tse di tlhokegang go itshireletsa le bafeti ba ba senang molato.
A tiriso ya dikgoka e ne e tshwanna mo mabakeng?
A go ne go na le tekatekano magareng ga tlhokego ya go dirisa dikgoka le bogolo ba dikgoka bo bo dirisitsweng?
Boleng ba kgobalo ya batho ba ba tshwerweng e ne e le eng?
A dikgoka dine di dirisitswe ka tshwanelo kana ka bomo, mo go sa tlhokegeng kana ka go bogisa?
Seno ke morero wa sengangintshi. Karolo 49 ya CPA e mo tiragatsong ya go kwalwa gape. Diteng tsa karabo e di ka fetolwa.
Molaotheo (Karolo 11) wa re mongwe le mongwe o na le tshwanelo go tshela. Ka jalo, motlhankedi wa sepodisi a ka thuntsa fela motho ka fa tlase ga mabaka a a kgethegileng thata. Go botlhokwa go itse gore molao o go letla leng go thuntsha motho yo o tshabelang tshwaro.
Molao wa Tsamaiso ya Badiramolato le Molao wa SAPS o re thusa go tlhaloganya ka fao mapodisa a ka lekanyetsang tshwanelo ya mongwe kwa kgololosegong le tshireletso ya motho. Melao e e go bolelela gore ke mofuta ofe wa dikgoka o o ka o dirisang fa o diragatsa tshwaro.
Gakologelwa, fa o sa tlhoke go dirisa tlhobolo o se ka wa e dirisa.
Mmelaelwa ga twe o dirile tlolomolao e e masisi e e kwadilweng mo pholesing ya sepodisi. Netefatsa gore o na le khophi ya pholese mme o e tsenye mo tlhogong ka tlhokomelo.
Motlhankedi wa sepodisi o leka go tshwara motho ka go twe o dirile mofuta o wa bosenyi.
Mmelaelwa o itse gore motlhankedi wa sepodisi o leka go mo tshwarela mofuta o wa bosenyi.
Ga go tsela e nngwe ya go tshwara mmelaelwa.
Motlhankedi wa sepodisi o kgalemile mmelaelwa gore o tla thuntshiwa fa a sa eme; mme mmelaelwa a ikgatholosa kgalemo.
Matshelo a batho ba bangwe ga a ne a nna mo kotsing fa go thunthsiwa.
Fa mmelaelwa a sa eme, o tshwanetse pele o thuntshe thuntsho e e kgalemang, mme fela fa e ka dirwa kwa ntle ga go tsenya motho yo mongwe osele mo kotsing. Fa mmelaelwa a santse a sa eme, jaanong o ka thuntsa. O tshwanetse go leka go thuntsa kwa karolong ya mmele, jaaka leoto, koo kolo e tshwanelang e ka se bolae mmelaelwa.
fa a dira tiro ya semmuso; le leloko le amogelwa ke molao go dirisa dikgoka.
Leloko le ka dirisa fela dikgoka tse di lekaneng tse di utlwalang mo mabakeng.
Jaaka molawana wa tlwaelo, phuruphutso e tshwanetse go dirwa fela go ya ka thebolelo ya phuruphutso (karolo 21 ya CPA) kwa ntle ga fa molao ka totobalo o rebola phuruphutso kwa ntle ga thebolelo ya phuruphutso. Kwa ntle ga dikarolo 22, 23 le 24 tsa CPA, Melao e mengwe e le mmalwa ya Palamente e rebola gape diphuruphutso kwa ntle ga thebolelo ya phuruphutso.
Mmele tsa mong (molatelo le kuku) tsa motho yo o tshwerweng, di tlhoka tiriso boleng ba dikgoka mme di ka dirwa fela ke ngaka kana mooki yo o kwadisitsweng le, mo tiragalong nngwe le nngwe, fela fa go na le mabaka a a utlwalang go dumela gore athikele e e bolelwang mo karolong 20 e fitlhilwe fa teng.
Dintlha kana mo tsholong kana ka fa tlase ga taolo ya motho yo o tshwerweng.
Go tlhokega gore go bontshiwe gore le fa karolo 23 (a) ya CPA e sa tlhalose go dumela tiriso ya dikgoka go dira phuruphutso, fa go buisiwa le karolo 27 ya CPA go tshwanetse go ranolwe go kaya tiriso ya dikgoka fa tiriso ya dikgoka e tlhokega mo go utlwalang go dira phuruphutso.
Fa motho yo o tshwerweng a ineela mo phuruphutsong e e jalo, dikgoka di ntse di ka se dirisiwe gotlhelele go dira phuruphutso.
Fa motho yo o tshwerweng a gana maiteko a go mo phuruphutsa, dikgoka tse di jalo, jaaka di ka tlhokega mo go utlwalang go fenya kgano, di ka dirisiwa. Mo lebakeng le dikgato tse di kganelang, jaaka dihakaboi, di ka dirisiwa.
Go phuruphudiwa ga batho go go dumeletsweng go ya ka dikarolo 21 le 22 tsa CPA, go tshwanetse, go fitlha fa tiriso ya dikgoka e amegang, go latelwa ka mokgwa o o tshwanang jaaka phuruphutso go ya ka karolo 23 (a) ya CPA.
Bedio ya metsotso e le lesome e teng e e dirang ka tshwaro.
Mekgwa ya go bona go nna teng ga molatofadiwa kwa kgotlatshekelo ke efe?
Bontsha bedio e e dirang ka tshwaro.
Morago ga bedio, letla nako ya dipuisano le tshosobanyo.
Dipotso di ka thusa go etelela pele tirego e le go tlhomamisa gore ke merero efe e e sa dirwang.
Lebelela maikemisetso magolo mme le a buisane ka dipotso le dikarabo. Tlhomamisa gore maikemisetso otlhe a fitlheletswe.
Motho yo o tshwerweng o nna le ditshwanelo tse di mo go karolo 35 , le ya Molaotheo leng?
Ditshwanelo tsa motho yo o tshwerweng ke dife?
Melawana ya go dirisa dikgoka ka nako ya tshwaro ke efe, le gore e e kaya eng?
Motho yo o tshwerweng o tshwanetse go itsisiwe ka ditshwanelo tsa gagwe " ka bonako jo bo kgonegang". Seno se kaya eng?
Tshwanelo ya go didimala e kaya eng?
Motho yo o tshwerweng o tshwanetse go tsholwa jang, le gore go reng?
Tshwaro No. 3: Ditshwanelo tsa botho tsa motho yo o tshwerweng.
Tshwaro ya No. 4: Melawana ya tiriso ya dikgoka ka nako ya tshwaro.
Tshwaro ya No.5: Mabaka a go sekasekiwa fa o dirisa dikgoka ka nako ya tshwaro.
Tshwaro No. 6: Mabaka a kgotlatshekelo e tla a lebelelang.
Tshwaro No. 7: Mmelaelwa yo o tshabang a ka thuntsiwa fela fa mabaka a marataro a a fitlhelelwa.
Go na le phousetara ya ditshwanelo tsa batho ba ba tshwerweng. Phousetara e tshwanetse go bewa mo leboteng pele ga kokoanothuto ka tshwaro.
Mongwe le mongwe o na le seriti sa tlholego le tshwanelo ya seriti sa bona go tlotliwa le go sirelediwa.
d go se bogisiwe ka tsela efe kana efe ; le e go se tsholwe kana go kgalemiwa ka tsela e e setlhogo, e e seng ya batho le e e nyenyefatsang.
A tiriso ya dikgoka e ne e siame, e le maleba e nonofile?
A tiriso ya dikgoka e ka sirelediwa mo kgotlatshekelo ya molao?
A tiriso ya dikgoka e ne ya baka kgobalo e nnye?
A mokgwa o o seng wa ntwa o tla lekiwa pele?
A theo ya tekatekano le tlhokego e ne ya lebelelwa?
A motlhankedi wa sepodisi o ne a diragatsa kganelo mo tirisong ya ditlhobolo?
Tiriso ya ditlhobolo kgatlhanong le motho ke kgato e e feteletseng: A e ne ya dirisiwa jaaka boitlhophelo ba bofelo?
Gakologelwa: fa o sa tlhoke go dirisa tlhobolo o se ka wa e dirisa.
Mmelaelwa ga twe o dirile molato o o masisi o o kwadilweng mo pholesing ya mapodisi. Tlhomamisa gore o na le khophi ya pholesi mme o tsenye mo tlhogong ka tlhokomelo.
Motlhankedi wa sepodisi o leka go tshwara motho yo go tweng o leka go dira mofuta o wa bosenyi.
Mmelaelwa o itse gore motlhankedi wa sepodisi o leka go mo tshwarela mofuta o wa bosenyi.
Ga go tsela e nngwe ya go tshwara motho.
Motlhankedi wa sepodisi o kgalemile mmelaelwa gore o tla thuntshiwa fa a sa eme; mme mmelaelwa o ikgatholosa kgalemo.
Matshelo a batho ba bangwe ga a ne a tsenngwa mo kotsing fa go thuntshiwa.
Fa mmelaelwa a sa eme, o tshwanetse go thuntsha pele thunyo ya kgalemo, fa seno se ka dirwa kwa ntle ga go tsenya motho ofe kana ofe yo mongwe mo kotsing. Fa mmelaelwa a santse a sa eme, jaanong o ka thuntsa. Fela o tshwanetse go leka go thuntsha mo karolong ya mmele, jaaka leoto, foo kolo go bontshang e ka se bolae mmelaelwa teng.
Maikaelelo a tshwaro ke eng?
Tumelo ya go se na molato e kaya eng?
Ke mekgwa efe go na le ya tshwaro e e leng teng go bona go nna teng ga molatofadiwa mo kgotlatshekelo?
Tsela e e siameng ya go tshwara motho ke efe?
Ditshwanelo le maikarabelo a batho ba ba tshwerweng ke dife?
Maikarabelo a batlhankedi ba sepodisi ka nako ya go tshwara ke afe?
Motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go itsise motshwarwa ka eng ka nako ya go tshwarwa?
Motho yo o tshwerweng a ka kopa beile leng le gona kwa kae?
Ke ditshwanelo dife tsa batho ba ba tshwerweng tse di ka lekanyediwang?
Ditshwanelo tse di ka lekanyediwa jang?
Dira puisano ya kakaretso ka maemo a a farologaneng a tiriso ya dikgoka ka nako ya tshwaro, go simolola ka dikgoka tse dinnye tse di ka dirisiwang.
Motlhankedi wa sepodisi a ka thuntsa mmelaelwa yo o tshabang leng?
A dikgoka di ka dirisiwa go phuruphutsa motho yo o tshwerweng?
Ke melao efe e e dirang mo phuruphutsong le kgapong?
Ke melao efe e e dirang mo go phuruphutseng le go gapa?
ditshwanelo tsa motho yo thoto e gapiwang ka mabaka a patlisiso, go ya ka Molaotheo: mmogo le kgatako e e tlhomameng ya ditshwanelo tse, ka go dirisa ditheo le dikaelo tse di amoganweng ka nako ya kokoanothutiso mo tirisong ya mmotlolo wa bothata go ya ka Molaotlhomo wa Ditshwanelo; le dipoelo tsa phuruphutso e e seng go ya ka molaotheo.
Phuruphutso le kgapo ke dikgatako tse di masisi thata tsa ditshwanelo tsa motho. Molaotheo o solofetsa motho mongwe le mongwe tshwanelo kwa bosephiring (karolo 14 ya Molaotheo) le tshwanelo kwa kgololosegong le tshireletso ya motho (karolo 12 ya Molaotheo). Ditshwanelo tse di kaya gore Naga (sepodisi) ga se ka ke sa phuruphutsa legae la motho, thoto kana mmele mme se ka se tseye dilo tsa gago, se bule poso ya gago kana se tape mogala wa gago kwa ntle ga go dumelelwa ke molao. Go botlhokwa go lemoga gore ga go epe ya ditshwanelo tse e e nosi ka di ka lekanyediwa.
Maikaelelo a tiragatso ke go tlamela maikemisetso a kokoanothutiso.
Buisetsa baithuti maikemisetso.
Ba botse gore a ba tlhaloganya maiemisetso.
A tlhalose, fa go tlhokega.
athikele e ne ya dirisiwa go dira bosenyi kana a ka tlamela bopaki gore bosenyi bo ne jwa dirwa kana gore bo tla dirisiwa mo khomiseneng ya bosenyi, Molaotheo (karolo36 ya Molaotheo) e tlamela gore tshwanelo ya motho kwa bosephiring le kgololosego le tshireletso di ka lekanyediwa ka Molao wa Palamente, sekao ke Molao, 1977 wa Tsamaiso ya Modiramolato (Molao 57 wa 1977) o o dumelelang tsamaiso e e jalo. Seno se ka dirwa, sekao, fa motho a phuruphudiwa, fa ntlo ya motho e phuruphudiwa kana fa sengwe se e leng sa motho se tsewa go ya ka molao.
Gakologelwa gore motlhankedi wa sepodisi a ka dira fela phuruphutso le go tsaya diathikele fa a neilwe ke molao maatla go dira jalo. Go botlhokwa gore motlhankedi wa sepodisi a diragatse dithata tse fela ka fa gare ga ditekanyetso tsa ditshiamelo tse di maleba tsa molao le go tlhomamisa gore ditshwanelo tsa botho tsa motho ga di a kgapelwa thoko. Fa motlhankedi wa sepodisi a dira tiro ya gagwe go ya ka molao, dikgatako tse (ditekanyetso) mo ditshwanelong tsa batho di tlabo di le mo molaong (di dumelesega).
Tshwanelo kwa seriting sa botho (karolo 10 ya Molaotheo).
Ditemana 5.2, 5.3 le 5.4.
Maikaelelo a tiragatso e ke go dira gore baithuti ba akanye ka ditlamorago tse phuruphutso le tseo di ka nnang le tsona mo ditshwanelong tsa motho.
Kwala dikao tsa ditshwanelo tse di ka lekanyediwang ka phuruphutso le tseo.
Ba kope go lebelela temana ya tekanyetso mo tsebeng ya 6 ya dibukatiro le teko fa phuruphutso le tseo di ka bonwa jaaka kgatako e e tshwannang ya ditshwanelo tsa sebele.
Kopa baithuti go tlamela sikao tsa melao (molao wa tiriso ya kakaretso) tse di laolang phuruphutso le tseo.
Amogela pegelo. Kopa motsayakarolo a le mongwe go ithaopa go kwala ditshwanelo tse di ka lekanyediwang mo botong e e nangle karata ya go kwalela (kuranta) kana tlapakwalelo fa setlhopha se dira pegelo.
Buisanang ka tiragatso tsa temana ya tekanyetso.
Tswalela ka puisano ya kakaretso.
Tshwanelo kwa bosephiring karolo 14 ya Molaotheo.
Ka jalo, o tshwanetse go tlhomamisa gore o dira go ya ka molao o o dirang, sekao Molao wa Palamente le Molaotheo.
Motho o na le ditshwanelo tse di solofeditsweng mo Molaotheong, le fa motho kana thoto ya gagwe e phuruphudiwa mme thoto e tsewa. Go botlhokwa gore kgato ya motlhankedi wa sepodisi e tshwanetse go nna ka fa gare ga melelwane ya molao. Fa ditshwanelo tsa motho di lekanyeditswe ka phuruphutso le tseo, tekanyetso e e jalo e tshwanetse go tsholwa mo go lekaneng.
Fa nngwe le nngwe ya ditshwanelo tsa Molaotlhomo wa Ditshwanelo di lekanyeditswe, sekao ka phuruphutso le tseo, tekanyetso e tshwanetse go tlhatlhobiwa kgatlhanong le ditlhokego mo temaneng ya ditekanyetso.
Tekanyetso e tshwanetse pele go tsholwa mo molaong wa tiragatso ya kakaretso.
Karolo 36 mo Bukeng ya tiro, ts.
Dintlha kwadilweng(seno se tsenyeletsa molao wa Palamente, melawana, diodinanse, melao tlaleletso) kana molao wa boagisani. Mo lebakeng la phuruphutso le tseo molao wa tiragatso ya kakaretso o tla nna Molao, 1977 wa Tsamaiso ya Modiramolato, Molao, 1969 wa Ditlhobolo le Ditlhabano(Molao No 75 wa 1069) kana Molao, 1992 wa Diritibatsi le Kgwebisano ya Diritibatsi(Molao No 140 wa 1992), karolo 13 ya Molao, 1995 wa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (Molao No 58 wa 1995), jj.
Ditshwanelo di ka kgona go lekanyediwa fela go fitlha fa tekanyetso e e jalo e utlwalang. Seno se kaya gore tekanyetso e tshwanetse go utlwala mo mabakeng a ka fa tlase ga ona phuruphutso e tla diragalang. Fa go na le mokgwa o o kwa tlase wa kgano o o tla fitlhelelang maikaelelo a a tshwanang motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go dirisa mokgwa oo. Maikaelelo a a tla fitlhelelwang a tla tshwanna phuruphutso. Ka jalo tekanyetso e tla utlwala. Batlhankedi ba sepodisi ga ba a tshwanela go lekanyetsa ditshwanelo tsa motho mo go sa tlhokegeng.
Tekanyetso e tshwanetse go tshwanna mo setšhabeng se se bulegileng sa temokerasi go ikaegilwe ka seriti sa botho, tekano le kgololosego. Seno se kaya gore o tshwanetse go bo o kgona go emela.
Dintlha dikgato tsa gago morago ga phuruphutso le tseo mo kgotlatshekelo ya molao. Setšhaba se se bulegileng sa temokerasi se kaya batlhankedi ba sepodisi mo ditšhabeng tse dingwe tsa temokerasi ba tshwanetse go dira ka tsela e e tshwanang ka fa tlase ga mabaka a tshwanang. O tshwanelwa ka gale go tshola mongwe le mongwe ka tlotlo le ka mokgwa o o nang le seriti le ka tsela e go ka solofelwang mo go utlwalang go tswa batlhankeding ba sepodisi ba bangwe. O ntse o ka se kgetholole ka fa go sa siamang kgatlhanong le motho mongwe le mongwe. Gakologelwa gore motho o tsewa a se na molato go fitlha a bongwe molato mo kgotlatshekelo ya molao.
Mo tebegong ya karolo 36 go ya (e) theo ya tekatekano ka gale e a dira. Seno se kaya gore kgatako nngwe le nngwe ya tshwanelo ya motho kwa sephiring e tshwanetse go lekalekana kwa tlholegong le masising a kotsi e e bakwang ke tekanyetso. Go tshwanetse ka jalo go nne le tekatekano magareng ga tshwanelo ya motho go ya sephiring le boleng ba kgatako. Ditshwanelo di tshwanetse go lekanyediwa fa go lekaneng. Maikaelelo a tshwanetse go tshwanna phuruphutso(kgatako).
Maikaelelo a tiragatso e ke go buisana ka phuruphutso ka thebolelo.
Dira puisano ya kakaretso mo dipotsong tse di latelang.
O ka bona kae thebolelo?
Ke tshedimosetso efe e e tshwanetseng go nna teng mo kopong ya thebolelo?
Buisana ka se se tla bong se tshotswe mo thebolelong.
Phuruphutso e tshwanetse go dirwa leng?
A o tshwanetse go tlamela khophi ya thebolelo ya phuruphutso kwa go mong kana monni?
Molawana o mongwe go tsenyelediwa le Molao, 1969 wa Ditlhobolo le Ditlhabano (Molao No 75 wa 1969), Molao, 1992 wa Diritibatsi le Kgwebo ya Diritibatsi (Molao No 140 wa 1992), Molao, 1991 wa Taolo ya Masele (Molao No. 96 wa 1991) Molao, 1959 wa Bogodu jwa Leruo (Molao No. 57 wa 1959) le karolo 13 ya Molao, 1995 wa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (Molao No. 68 wa 1995).
Tshwanelo kwa bosephiring ke motheo wa tshwanelo ya botho. Tshireletso kgatlhanong le dikgatako tse di sa utlwaleng di sa tshwannang tsa tshwanelo ya motho kwa bosephiring ka jalo e botlhokwa. Go sireletsa ditshwanelo tsa mong le go tlhomamisa gore batlhankedi ba sepodisi ba dira go ya ka molao go a gapelesega go bona thebolelo pele ga phuruphutso le tseo di dirwa. Karolo 21 ya CPA e tlamela tshireletso nngwe ka go batla gore athikele 'e tla tsewa fela ka thebolelo ya phuruphutso' Thebolelo e e jalo e ka ntshiwa fela ke motlhankedi wa boatlhodi, k.g.r. magiseterata kana rakagiso (go tseneyelediwa motlhankedi wa SAPS). Motlhankedi wa bosiamisi o tla sekaseka tshedimosetso e e beilweng pele ga gagwe la mokgwa wa diafidafeti.
Dintlha le go dirisa bogaagwe go swetsa gore a phuruphutso e a tshwanna, e mo lebakeng le le jalo thebolelo ya phuruphutso e tla ntshiwang ke motlhankedi yo o maleba. Go bona thebolelo ya phuruphutso ka jalo go tla dira jaaka tshireletso kgatlhanong le dikgatako tse di sa utlwaleng kana di sa tshwannang tsa tshwanelo kwa bosephiring, jaaka tshedimosetso e mo go yona phuruphutso e tla dirwang e tla nna go ya ka tshekatsheko e e ikemetseng.
Thebolelo ya phuruphutso e tshwanetse botoka e bonwe go tswa motlhankeding wa boatlhodi (magiseterata kana moatlhodi). Batlhankedi le bona ba na le dithata tsa go rebola, fela ba ka se amege mo tshekatshekong e ka yona thebolelo ya phuruphutso e tlhokegang. Motlhankedi yo o tshwanetse go ikemela le go se tseye letlhakore gore a dire tshwetso gore a a ntshe thebolelo kana nnyaya ka bopaki fa pele ga gagwe. Batlhankedi ba dumelelwa go ntsha thebolelo mme batlhankedi ba sepodisi ga ba a tshwanela go okaoka go dirisa mokgwa o go bona thebolelo, segolo fa go magisetara yo o nang a le teng. Thebolelo e e bonwang go tswa go magisetarata le motlhankedi e dira ka go tshwana. Go botoka go phuruphutswa ka thebolelo e e ntshitsweng ke motlhankedi go na le go phuruphutsa kwa ntle ga thebolelo gotlhelele.
diathikele dingwe di amega mo molatong kana molato o o ikaeletsweng kana e ka nna bopaki jwa khomisene ya molato; Karolo 20 ya CPA; le diathikele tse di jalo di mo mothong mongwe kana mo mafelong mangwe.
Thebolelo e dumelela phuruphutso ya motho yo o totobetseng kana mafelo le diathikele tse di totobetseng.
Thebolelo e baya mafelo a a totobetseng go phuruphudiwa.
Thebolelo e baya motho go phuruphudiwa (seno se ka tsenyeletsa motho mongwe le mongwe yo o fitlhetsweng mo mafelong a a lemogilweng).
Thebolelo e tshwanetse go diragadiwa motshegare kwa ntle ga fa go dumeletswe ka tsela e nngwe, morago ga fa leloko le tlhalositse lebaka le le siameng gore go reng e tshwanetse go dirwa bosigo.
Thebolelo e tla nna go dira go fitlha e diragadiwa kana e phimolwa ke motho yo o e rebotseng kana motho yo o nang le bothati bo bo tshwanang.
Morago ga fa phuruphutso e dirilwe, khophi ya thebolelo e tshwanetse go neelwa motho yo ditshwanelo tsa gagwe di amegileng. Yo ka gale e tla nna mong kana monni wa mafelo kana motho yo o neng a phuruphudiwa.
Maikaelelo a tiragatso e ke go buisana ka dipoelo tsa diphuruphutso tse di seng ka fa molaong kana diphuruphutso tse di fetang bothati mo thebolelong.
Poelo ya phuruphutso e e seng ka fa molaong e tla nna eng?
A dikgotlatshekelo di tla amogela bopaki bo bo bonweng ka phuruphutso e e seng ka fa molaong?
Buisetsa baithuti sekao se.
A11 SA 121 (C) motlhankedi yo o batlisisang o tsena lefelobonno la molatofadiwa wa ntlha kwa ntle ga thebolelo ya phuruphutso mme a tsaya dilo tse di rileng, go tsenyelediwa tse di leng mo kgetseng tse e leng tsa molatofadiwa wa boraro. Molatofadiwa wa ntlha o dumeletse phuruphutso ya lefelobonno la gagwe, fela go ne go se na bopaki gore molatofadiwa wa boraro o dumeletse gore kgetse ya gagwe e phuruphudiwe.
Bomasisi bo bo tseneletseng bo mo go bona bothati bo bonang dikgatako tse di seng ka fa molaong tsa tshwanelo ya motho go ya bosephiring le bona bo bontshiwa ka ditshiamelo tsa karolo 28 ya Molao wa Tsamaiso ya Modiramolato. Karolo e e tlamela gore motlhankedi wa sepodisi yo o dirang go se tsamaisane le bothati ba thebolelo ya phuruphutso, kana yo o phuruphutsang kana go tsaya kwa ntle ga go dumelelwa koo, o tla bonwa molato wa tlolomolao. Motswasetlhabelo wa kgato e e seng ya semolao e e jalo o tshwanelwa le ena go tsenya tleleime ya selegae kgatlhanong le sepodisi.
Karolo 28 ga e tsenyeletse ditatofatso tse di ka tlisiwang kgatlhanong le leloko le le dirileng phuruphutso le tseo tse di seng ka fa molaong. Di tsenyeletsa bosenyi ba molao wa boagisanyi jaaka crimen injuria, petso, tshenyo ya ka bomo kwa dithotong le bogodu.
Sekgoreletsi se sengwe ke lebaka la gore karolo 35 ya Molaotheo e tlhalosa gore bopaki bo bo bonweng mo ikgatholosong ya tshwanelo e e itshetlegileng e tshwanetse go ntshiwa mo tshekong, fa kamogelo ya seo e tla dira gore tsheko e se ka ya kgotsofatsa kana e nne le tshenyo mo tsamaisong ya bosiamisi. Seno se kaya gore bopaki bo bo jalo bo ka se amogelege mo kgotlatshekelo. Ditlamorago tsa se e ka nna kgololo ya motho yo o latofadiwang.
tshwanelo ya motheo kwa bosephiring ba molatofadiwa wa boraro. Kgotlatshekelo go ya pele e tshotse gore go ne go se na bopaki bo bo tshwaraganyang dilo tse di tserweng go tswa mo kgetseng ya molatofadiwa wa boraro ka bosenyi bo bo bolelwang le gore maikaelelo a a bolelwang a motlhankedi yo o batlisisang fa go tshwarwa dilo tse e ka bo e ne e se go sireletsa tshenyo ya bopaki ba matheriale.
A motlhankedi wa sepodisi a ka phuruphutsa kwa ntle ga thebolelo mme, fa go le jalo, leng?
Mo go S v Motloutsi 1996 SACR 78 (C), kgotlatshekelo e sweditse gore koo motlhankedi a neng a le teng, lebaka la gore magiseterata o ne a se teng ka fa go kgonegang e ka se nne seitshwarelelo gore go bo go sa bonwa thebolelo ya phuruphutso.
Molawana wa kakaretso e tshwanetse go nna go phuruphutsa ka thebolelo. Phuruphutso le tseo di tlhama kgatako e e masisi ya tshwanelo ya motho kwa sephiring, molawana wa gore thebolelo e a tlhokega ke tshireletso ya semolao e e botlhokwa. E tlhoka gore dintlha tse di leng teng di tshwanetse pele go sekasekwa ke motho yo o sa tseyeng letlhakore a le maikarabelo yo o tshwanetseng go swetsa gore a tumelo ya leloko, e bong gore phuruphutso le tseo di a tshwanna, di a utlwala. Tshireletso e, le gale e a katogiwa fa phuruphutso e dirwa kwa ntle ga thebolelo le gorego ne go sa kgonege go bona thebolelo ya phuruphutso. Mo mabakeng mangwe, le gale, go ntse go ka se kgonege go bona thebolelo ya phuruphutso, sekao fa mabaka a tlhoka kgato ya ka bonakogo tlhomamisa gore bopaki ga bo ne bo senngwa. Tshiamelo ka jalo e diretswe, sekao, karolo 22 ya Molao wa Tsamaiso ya Modiramolato gore diphuruphutso le ditseo di dirwe kwa ntle ga thebolelo.
Mabaka a mangwe a leloko le ka dirang phuruphutso kwa ntle ga thebolelo.
Batlhankedi ba sepodisi ba tshwanetse go phuruphutsa motho mo tshwarong. Seno se diragala kwa ntle ga thebolelo mme e bile ga se gore ga go ka fa molaong.
Motlhankedi wa sepodisi a ka re kwa ntle ga thebolelo ya phuruphutso motho mongwe lemongwe kana setshola kana mafelobonno ka mabaka a go tsaya athikele nngwe le nngwe e e bolelwang mo go karolo 20.
i gore thebolelo ya phuruphutso o tla e ntshediwa ka fa tlase ga temana a ya karolo 211 fa a kopa thebolelo e e jalo; le ii gore tiego mo go boneng thebolelo e e jalo e tla fenya maikaelelo a phuruphutso.
A motlhankedi wa sepodisi wa monna a ka phuruphutsa mosadi?
Fa go se na motlhankedi wa sepodisi wa mosadi, motlhankedi wa sepodisi wa monna o tshwanetse go dira eng?
Phuruphutso ya moth yo o tshwerweng mmogo le mafelobonno a motho yo o tshwerweng ka fa tlase ga mabaka a a rileng. Lebaka la se ke go boloka maemo, go boloka motho yo o tshwerweng go mo thibelela go ikgobatsa, go thibela maemo a mo go ona motlhankedi wa sepodisi kana motho ofe kana ofe yo mongwe a ka tlhaselwang le go bona bopaki kgatlhanong le motho yo o tshwerweng.
Le fa ditlhokego tsa go dira kwa ntle ga thebolelo di tshwana jaaka fa o dira ka thebolelo dikgotlatshekelo di aga di tshola dikgetse tse di jalo ka go se tshwane mme di tla tlhomamisa gore ditlhokego tsotlhe di fitlheletswe fa o dira kwa ntle ga thebolelo. Kgotlatshekelo e tla gagamatsa gonne mokgatlho o o ikemetseng ga o a bopa karolo ya tirego ya go dira ditshwetso.
Diphuruphutso tsotlhe le ditseo di tshwanetse go dirwa ka tlhokomelo malebana le seriti. Seno se kaya gore o tshwanetse go tshola batho le thoto ka tlotlo mme go se nne le tshenyo e e sa tlhokegeng kana tlhakatlhakano e tshwanetse go tlholwa.
Phuruphutso ya motho mongwe le mongwe kana mafelobonno e tla dirwa ka tlhoko malebana le botho le tolamo, mme mosadi o tla phuruphudiwa ke mosadi fela mme fa go se na motlhankedi wa sepodisi, phuruphutso e tla dirwa ke mosadi mongwe le mongwe yo o tlhometsweng lebaka ke motlhankedi wa sepodisi.
Dintlha mabakeng a a tshwanang. Seno go ya ka karolo 10 ya Molaotheo. Molao wa Tsamaiso ya Modiramolato o tlamela gape dikaelo go tlhomamisa gore diphuruphutso tsotlhe le ditseo di fitlhelela ditlhokego tsa botho ba motho (karolo 29 ya Molao wa Tsamaiso ya Modiramolato).
Diphuruphutso tsa mmele di tshwanetse go diragala mo sephiring. Seno ke go tlhomamisa gore seriti sa motho se sireleditswe. Fa e le gore ga go na motlhankedi wa sepodisi wa mosadi go phuruphutsa mosadi, motlhankedi wa sepodisi wa monna a ka kopa mosadi mongwe le mongwe go tswa setshabeng go phuruphutsa mosadi yo o jalo.
Phuruphutso e e kwa teng, seno se kaya phuruphutso ya diphatlha tsa mmele wa motho (kuku le sebono), e ka tsewa fela ke ngaka. Phuruphutso e e jalo e ka tsewa fela fa go na le mabaka a a utlwalang go dumela gore athikele e e bolelwang mo go karolo 20 ya Molao wa Tsamaiso ya Modiramolato e fitlhilwe mo karolong eo ya mmele wa motho yo o tshwerweng.
Dintlha le nngwe kgatlhanong le phuruphutso e e jalo le tseno (karolo 27 ya CPA). Seno se kaya gore batlhankedi ba sepodisi ba ka dirisa dikgoka tse di jalo jaaka go ka tlhokega mo go utlwalang mo mabakeng. Tlhokego mo go utlwalang e kaya gore fa o sa tlhoke go dirisa dikgoka dipe, ga o a tshwanela go dikgoka dipe gotlhelele. O ka dirisa fela boleng ba dikgoka bo bo tlhokegang go fenya tshosetso kana kgano mme e seng go feta (karolo 13 ya Molao wa SAPS: Dikgoka tse di lekaneng).
Go ya ka karolo 27 ya Molao wa Tsamaiso ya Modiramolato motlhankedi wa sepodisi a ka dirisa dikgoka tse di tlhokegang go tsena mo mafelobonnong go dira phuruphutso. Pele dikgoka dipe di ka dirisiwa motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse ka go utlwala a batle tseno le go neela lebaka gore go reng a rata go tsena mo mafelobonnong. Motlhankedi wa sepodisi a ka roba lebati a le bula kana letlhabaphefo go bona tseno. Fa e le gore ga go tlhokege go dirisa dikgoka dipe gotlhelele go se nne le dikgoka dipe tse di dirisiwang.
Go na le phapogo mo molawaneng wa kakaretso.
Maikaelelo a tiragatso e ke go buisana ka tiriso ya dikgoka go phuruphutsa mafelobonno gore go tsewe diathikele.
A motlhankedi wa sepodisi a ka dirisa dikgoka go tsena mo mafelobonnong gore a dire phuruphutso?
A motlhankedi wa sepodisi a ka dirisa dikgoka go tsaya thoto?
Buisanang ka ditheo tse tsa kakaretso tse di dirang go phuruphutsa le go tsaya.
tseno le tlhalositswe, leloko le ka dirisa dikgoka tse di jalo jaaka go tlhokega mo go utlwalang. Seno se tla diragala foo athikele e e leng setlhogo sa phuruphutso e le nnye thata kana e na le boleng bo bo nnye jwa diritibatsi tse di ka senngwang bonolo kana go latlhiwa ga, sekao, ka go e tlogelela go ya le metsi kana ka go e kometsa kana fa matshelo a maloko a le mo kotsing fa ba ne ba tshwanetse go kokota, go tsaya sekao, fa maloko a itse gore motho ka fa agre o na le tlhobolo. Phapogo e e itsiwe ka "temana ya ga go mokokoto".
Karolo 23 ya Molao wa Tsamaiso ya Modiramolato e dumelela motlhankedi wa sepodisi go phuruphutsa motho yo o tshwerweng le go tsaya athikele nngwe le nngwe e e boletsweng mo go karolo 20 ya CPA, e e fitlhelwang mo go ena. Fa tiriso ya dikgoka e tlhokega, dikgoka tse di utlwalang di ka dirisiwa. Melawana e e dirang mo diphuruphutsong tsa katamelano ya sebele di tshwanetse go bewa mo kakanyong.
Theo ya dikgoka tse di lekaneng e tshwanetse ka gale e lebelelwe. Fa go se dikgoka tse di tlhokegang go tsaya selo go se nne le dikgoka tse di dirisiwang.
Bontsha bedio e e dirang ka phuruphutso le tseo.
Karolo ka "Phuruphutso le tseo" e pele ga " Patlisiso ya Bosenyi" e tsentswe mo bediong.
Go bona botseno kwa mafelobonnong gore phuruphutso e dirwe.
Dikgoka di tshwanetse go dirisiwa fela fa kgano e neelwa mme jalo jaaka tlhoko ya bofelo. Tiriso ya dikgoka e tla nna ka fa molaong fa phuruphutso e le mo molaong. Gakologelwa, fa o sa tlhoke go dirisa dikgoka dipe o se ka wa dirisa dikgoka gotlhelele.
Dikao: O ntse o ka se thube go bula llai go batla baesekele. O ntse o ka se thube go bula setshola se se bontshang tsa ka fa gare se mo go sona diteng di bonalang ka tlhamalalo.
Phuruphutsa fela mo mafelong foo diathikele gongwe di ka fitlhelwang. (Sekao: Sete ya thelebišene ga e ne e lekana mo lebokosong la dibenyane).
Phuruphutso e tshwanetse go diragala magareng ga letsatsi le tlhaba le letsatsi le phirima kwa ntle ga fa thebolelo e bega sesele.
Tlamela khophi ya thebolelo ya phuruphutso kwa monning wa mafelobonno mo kopong; morago ga fa phuruphutso e sena go dirwa.
Dithebolelo di ka dirisiwa fela gangwe.
Kgatako ya tshwanelo ya motho e tshwanetse go tsholelwa kwa tlase jaaka mabaka a tlhoka.
Dikgoka di ka dirisiwa fela fa go tlhokega gotlhelele.
Maikaelelo a tiragatso ke go sobokanya kokoanothutiso le go araba dipotso dingwe le dingwe tse di saletseng.
Morago ga bedio dumelela nako ya dipuisano le tshosobanyo.
Dipotso di ka thusa go etelela pele tirego.
Gore maikemisetso a Molaotheo ga se go thibelela patlisiso e e tseneletseng ya bosenyi, mme go sireletsa motheo wa ditshwanelo tsa botho tsa batho botlhe.
Go na le bedio ya metsotso e le 10 ka "Phuruphutso le Tseo".
Dikarolo 12 le 14 tsa Molaotheo di kaya eng mo kamanong le phuruphutso le tseo?
Ke ka ntlha ya eng e le tiro e e siameng go bona thebolelo ya phuruphutso pele ga phuruphutso?
Ke tshedimosetso efe e e tshwanetseng go nna teng mo thebolelong?
Poelo ya phuruphutso e e seng ka fa molaong ke efe kana phuruphutso e e fetang tetla?
A motlhankedi wa sepodisi a ka phuruphutsa kwa ntle ga thebolelo?
Motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go dira eng pele a ka kgona go dirisa dikgoka go tsena mafelobonno mangwe le mangwe ka mabaka a phuruphutso le tseo A go na le phapogo kwa molawaneng o?
Thebolelo e tla nna e dira sebaka se se kana kang, le gore e ka dirisiwa gakae?
c dithoto tsa bona di tshwarwa; le d bosephiri jwa ditlhaeletsano tsa bona bo tsenelelwa.
Diathikele tse di jalo di mo thuong ya motho yo o rileng kana mo mafelobonnong a a rileng.
Thebolelo e tla dumelela phuruphutso ya motho yo o rileng kana mafelobonno le dithoto tse di rileng kana dilo.
Thebolelo e tla tlhagisa mafelobonno a a tla phuruphudiwang.
Thebolelo e tla tlhagisa motho go phuruphudiwa (seno se ka tsenyeletsa motho mongwe le mongwe yo o fitlhelwang mo mafelobonnong a a lemogilweng).
Thebolelo e tla dirwa mo motshegareng kwa ntle ga fa go dumeletswe ka sesele.
Thebolelo e tla sala e dira go fitlha e dirile kana e phimotswe ke motho yo o e ntshitseng kana motho yo o nang le bothati jo bo tshwanang.
Khophi ya thebolelo e tshwanetse go neelwa motho yo ditshwanelo tsa gagwe di ka amegang, yo ka gale a tla nnang mong kana monni wa mafelobonno.
Thebolelo e tshwanetse go dirisiwa ka tlhoko mo gare ga ditlhaloso tse di builweng mo thebolelong.
Dithebolelo di ka dirisiwa fela gangwe.
Phuruphutso fela mo mafelong koo dithoto gongwe di ka fitlhelwang.
Phuruphutso e tshwanetse go diragala magareng ga letsatsi le tswa le letsatsi le phirima kwa ntle ga fa thebolelo e tlhagisa ka tsela e nngwe.
Tlamela khophi ya thebolelo ya phuruphutso kwa monning wa mafelobonno mo kopong, morago ga phuruphutso e dirilwe.
Thebolelo ya phuruphutso e tshwanetse go bontshiwa kwa mothong pele go simololwa ka phuruphutso, fa motho a le teng.
Phuruphutso e tshwanetse go nna jaaka theo ya kakaretso e e dirwang mong a le teng kana monni wa mafelobonno.
Kgatako ya tshwanelo ya motho e tshwanetse go bewa mo e lekaneng jaaka mabaka a tlhoka.
Dikgoka di ka dirisiwa fela fa go tlhokega gotlhelele.
Kwala dikao tsa ditshwanelo tse di ka lekanyediwang ka phuruphutso le tseo.
Ithute temana ya ditekanyetso mo go tsebe 6 ya dibukatiro le teko fa phuruphutso le tseo di ka bonwa jaaka kgatako e e utlwalang ya ditshwanelo tsa motho.
O ka bona kae thebolelo?
Ke tshedimosetso efe e e tshwanetseng go nna mo kopong ya thebolelo?
Buisanang ka se se tla tsholwang mo thebolelong.
Phuruphutso e tshwanetse go dirwa leng?
A o tshwanetse go tlamelela khophi ya phuruphutso kwa go mong kana monni?
Poelo ya phuruphutso e e seng mo molaong e tla nna eng?
A dikgotlatshekelo di tla amogela bopaki bo bo bonweng ka phuruphutso e e seng mo molaong?
A motlhankedi wa sepodisi a ka phuruphutsa kwa ntle ga thebolelo le, mme fa go le jalo, leng?
A motlhankedi wa sepodisi wa monna a ka phuruphutsa mosadi?
Fa go se na motlhankedi wa sepodisi wa mosadi, motlhankedi wa sepodisi wa monna o tshwanetse go dira eng?
A motlhankedi wa sepodisi a ka dirisa dikgoka go tsena mafelobonno gore a dire phuruphutso?
A motlhankedi wa sepodisi a ka dirisa dikgoka go tsaya thoto?
ICD e tla dira eng fa motlhankedi wa sepodisi kana leloko la setšhaba le tsenya ngongorego le ICD?
Motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go dira eng fa a bona motlhankedi wa sepodisi yo mongwe a dira tshotlo ya ditshwanelo tsa botho?
ICD o tla dira eng fa motlhankedi wa sepodisi kana leloko la setshaba le tsenya ngongorego le ICD?
ditheo tsa tshiamo le tekano (tsamaiso ya bosiamisi); le seabe sa Bokaedi ba Dingongorego bo bo Ikemetseng (ICD) mo go tlhomamiseng maitsholo a a siameng go ya ka Molaotheo.
Ditshwanelo tsa Botho ke tsa motho mongwe le mongwe mo Aforika Borwa, go tsenyelediwa le batlhankedi ba sepodisi. Ka tshwanelo ya botho e nngwe le e nngwe go tla maikarabelo. Letlhakore la maikarabelo a maloko otlhe a Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa, e le sethwe sa Naga, ke go tlotla le go sireletsa seriti sa botho le go tshola le go tdholetsa ditshwanelo tsa botho tsa batho botlhe. Go na gape le maikarabelo mo batlhankeding ba sepodisi go direla baagi le go dira ditiro ka mokgwa o o siameng o le porofešenale.
Maikaelelo a tiragatso ke go tlamela maikemisetso a kokoanothutiso.
Buisetsa baithuti maikemisetso.
Ba botse gore a ba tlhaloganya maikemisetso.
A tlhalose, fa go tlhokega.
Kopa baithuti go buisa karolo 7 ya Molaotheo, Bukatiro, tsebe 5 le go buisana ka bokao ba teng.
Pele o bontsha bedio bolelela baithuti gore ba tshwanetse go lebelela bedio ba beile mo megopolong dikgatako tsa ditshwanelo tsa botho. Ba tshwanetse gape ba akanye ka fao dikgatako tse di tla amang kgalemo le seabe sa balaodi ba sepodisi mo go SAPS.
Morago ga bedio botsa baithuti dipotso ka tsenelelo, o dirisa mokgwa wa go dikologa, ka go ba botsa bongwe ka bongwe se ba se akanyang ka bedio go ya ka diteng ya sepodisi e e lolameng. Dikgatako tsa ditshwanelo tsa botho ka batlhankedi ba sepodisi di tla tsewa ka gale jaaka maitsholomabe a a masisi mme go tla mekamekanwa le ona ka tsenelelo.
fa motlhankedi wa sepodisi a itse ka kana a bona tshotlo ya ditshwanelo tsa botho mme a palelwa ke go dira; le go fenya maikaelelo a bosiamisi (go bipa bosenyi).
Bopaki bo bo bonweng ka ntlha ya ditshotlo tsa ditshwanelo tsa botho bo ka tlogelwa kwa ntle mo go ka isang kwa bathong ba ba molato ba gololwa.
Dikgato tsa kotlhao di tla tsewa kgatlhanong le motlhankedi wa sepodisi.
Tshekiso ya molato ya motlhankedi wa sepodisi.
tiriso tsa ditshwanelo tsa botho le go tlhokomedisa.
Naga e tshwanetse go tlotla, go sireletsa, go godisa le go fitlhelela ditshwanelo mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo.
Maikaelelo a tiragatso e ke go dira batlhankedi ba sepodisi gore ba akanye ka dikgatholoso tsa ditshwanelo tsa botho le go buisana ka ditlamorago tsa dikgatako tse di jalo.
Kgaoganya baithuti go ya ka ditlhopha tse di sa feteng batho ba le batlhano.
Tshwetso ya go kobiwa bona karolo 36 ya Molao wa SAPS: fa katlholo ya kgolegelo kwa ntle ga boikgethelo ba tefiso e fetisitswe.
Ditleleime tsa batho kgatlhanong le naga.
Tatlhegelo ya tshireletso ya Naga(kemedi ya semolao) malebana le tshekiso ya modiramolato (seno se kaya gore motlhankedi wa sepodisi ba tla ikarabelela kemelo ya bona.
Maikarabelo kwa baaging.
Batlhankedi ba ba kwa godimo ba tla nna maikarabelo a ditshotlo tsa ditshwanelo tsa botho fa ba ne ba itse, kana ba ne ba tshwanetse go bo ba itse, ka tlhagelelo ya tsona mme ba paletswe ke go tsaya kgato.
Batlhankedi ba sepodisi ba amogela tshireletso go tswa tshekisong kana dikgato tsa kgalemo ka go gana ditaolelo tse di seng mo molaong go tswa go ba bagolo.
Kobamelo ya ditaolelo go tswa go ba bagolo ga e ne e nna tshireletso ya dikgatholoso tse di dirilweng ke batlhankedi ba sepodisi.
Kwala se motlhankedi wa sepodisi a tshwanetseng go se dira fa a bona boikgatholoso jwa ditshwanelo tsa botho.
Dilo tse di ka diragalang fa motlhankedi wa sepodisi a ikgatholosa ditshwanelo tsa botho tsa motho.
Kopa setlhopha sengwe le sengwe go tlamela sekao se le sengwe sa se motlhankedi wa sepodisi a tshwanetseng go se dira. Botsa ditlhopha tsotlhe go fitlha lenane la ditlhopha le feleletse.
Boeletsa se ka ditlamorago tsotlhe.
Kopa a le mongwe wa baithuti go kwala mo botong ya karata tsa go kwalela kana letlapakwalelo.
Feleletsa ka puisano ya kakaretso.
Motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go dira eng fa a bona motlhankedi wa sepodisi yo mongwe a gataka ditshwanelo tsa botho?
go tsereganya (a dire gore a eme) mme a bolelele motlhankedi wa sepodisi gore ke phoso; le/kana a bege tiragalo kwa molaoding wa gagwe kana leloko le lengwe le legolo; le /kana, go bega tiragalo kwa ofising ya kgalemo; le/kana, go bega tiragalo kwa Bokaeding bo bo Ikemetseng ba Dingongorego (ICD); le/kana go bega tiragalo kwa Khomišeneng ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa, le/kana, go bega tiragalo kwa Mosireletsing wa Setšhaba.
Fa dikgatholoso tsa ditshwanelo tsa botho le tsona e le molato wa bosenyi dokete e tshwanetse go bulwa.
Dikgatholoso tsa ditshwanelo tsa botho di ka isa kwa dikgatong tsa kgalemo.
Patlisiso ya kgalemo e tshwanetse go potlaka, e dirwe ka tsenelelo le go se gobelele. Ga go na tlhokego ya go emela patlisiso ya modiramolato gore e felele.
sebakwa, mokgwa, lefelo le nako ya boikgatholoso, go lemoga le go tshwara badiramolato.
Mafelo a bosenyi a tla sekasekwa ka tlhokomelo.
ICD e tla dira eng fa motlhankedi wa sepodisi kana leloko la setšhaba le tsenya ngongorego le ICD?
ICD e ka batlisisa morero, segolo dikgetse tseo di amang loso lwa motho mo botshwarweng kana ka lebaka la kgato ya sepodisi. ICD e ka romela morero kwa sepodising go batlisisiwa le go tlhokomela tswelelopele.
Mo go fetseng patlisiso ICD e ka dira dikatlanegiso gore a ditatofatso tsa modiramolato kana dikgato tsa kgalemo di tshwanetse go tsewa kgatlhanong le leloko la sepodisi.
Go thusa mo go fetoleng Tirelo mo mmeleng o o tshwanelwang le go amogela tlotlo ya baagi mo go thibeleng le lwantsha bosenyi.
Maikaelelo a tiragatso e ke go dira gore batlhankedi ba sepodisi ba akanye ka seabe sa ICD mo go tlhomamiseng gore batlhankedi ba sepodisi ba tsholetsa ditshwanelo tsa botho.
Tlamela moithuti mongwe le mongwe ka khophi ya dikwalodiatleng ka "Bokaedi bo bo Ikemetseng ba Dingongorego (ICD)".
Tswalela ka puisano ya kakaretso.
sekaseka dingongorego go tlhomamisa mathata a a boelelang mo ditirong tsa sepodisi, go dira le tlhokomelo.
go mekamekana le dingongorego kgatlhanong le sepodisi ka tshiamo le tlhamalalo.
Fa o batlisisa bikgatholoso bongwe le bongwe patlisiso e tla nna ka nako, ya bokgoni, e e tsneletseng e sa gobelele. Seno ke motheo wa kgato ya tsamaiso e e siameng.
Kgato ya tsamaiso e e siameng Tlhabololo 6, ntlha 232b ya Molaotheo.
Dintlha c tlamelela ka mabaka ka go kwala kgato ya tsamaiso e e amang ditshwanelo dingwe le dingwe tsa bona kana dikgatlhego kwa ntle ga fa mabaka a kgato eo a itsisitswe phatlalatsa; le d kgato ya tsamaiso e e tshwannang malebana le lebaka le e le neeletsweng. Foo ditshwanelo dingwe le dingwe tsa bona di amegang kana di tshosediwa
Seno se kaya gore go tshwanetse go bo go na le lebaka le le utlwalang la kgato ya tsamaiso le le tserweng sekao; dikemisonakwana, dikgato tsa kgalemo, ditshutiso, dikgodiso, jj.
Seno se kaya gore dikgato tsotlhe tsa tsamaiso di tshwanetse go nna tse di siameng ka tsamaiso. Seno se kaya gore melawana ya bosiami ba tlholego e tshwanetse go latelwa.
Utlwa letlhakore le lengwe.
Go itsisiwe ka botlalo lebaka la kgato ya tsamaiso (dikgato tsa kgalemo).
Ga go ope yo o ka nnang moatlhodi mo kgetseng ya gagwe.
Ke ka ntlha ya eng kgalemo e le botlhokwa mo SAPS?
Maikaelelo a tiragatso ke go sobokanya kokoanothutiso le go araba dipotso dife kana dife tse di sa dirwang.
A katiso e ka nna karolo ya dikgato tse di tserweng go lebesisa dikgatako tsa ditshwanelo tsa botho?
Neela mekgwa mengwe ya dikgatholoso tsa ditshwanelo tsa botho e o e itseng.
Motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go dira eng fa a bona dikgatako tsa ditshwanelo tsa botho?
Go ka diragala eng ka motlhankedi wa sepodisi yo o dirang dikgatako tsa ditshwanelo tsa botho?
Dikao tsa dikgatako tsa ditshwanelo tsa botho: Kgalemo No 1.
Tlholego go tlotla ditshwanelo tsa botho go ka isa kwa go tse di latelang: Kgalemo No 2.
Bokaedi bo bo Ikmetseng ba Dingongorego.
Motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go dira eng fa a lemoga kgatako ya ditshwanelo tsa botho?
Go ka diragala eng fa motlhankedi wa sepodisi a gataka ditshwanelo tsa botho?
Bokaedi bo bo Ikemetseng jwa Dingongorego (ICD) ke mokgatlho wa molao ka fa tlase ga taolo ya selegae o o tlhomilweng go ya ka Karolo 222 ya Molaotheo wa Nakwana (Molao 20 wa 1993) le Kgaolo 10 ya Molao wa Sepodisi sa Aforika Borwa (Molao 68 wa 1995).
Go godisa maitsholo a a siameng a sepodisi.
Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa e e fetogileng e e tlhomameng le mowa le maikemisetso a Molaotheo.
Go thusa mo go fetoleng Tirelo mo mmeleng o o tshwanelwang le go amogela tlotlo ya baagi mo go thibeleng le lwantsha bosenyi.
Sekaseka dingongorego go tlhomamisa mathata a a boelelang mo ditirong tsa sepodisi, go dira le tlhokomelo.
Loso lwa motho mo tshwarong ya sepodisi kana ka ntlha ya kgato ya sepodisi.
Kamego ya maloko a sepodisi mo ditirong tsa bosenyi jaaka tlatlapo, bogodu le petso.
Maitsholo a sepodisi kana boitshwaro tse di thibelwang ke Melawana ya Sepodisi, jaaka itlhokomoloso ya ditiro kana tlholego go tsamaisana le Maitsholo a Khouto ya Sepodisi.
Le fa ICD e leka go batlisisa melato yotlhe le maitsholomabe a go tweng a dirilwe ke maloko a SAPS, Molao o dumelela ICD go isa dikgetse dingwe kwa go SAPS go batlisisiwa . Mo lebakeng la dikgetse tseo tse di romelwang kwa go SAPS go bona patlisiso ICD e ka tlhokomela tswelelopele ya patlisiso. Mo mabakeng mangwe ICD e tlhokomela patlisiso ka go baya dikaelo tse ka tsona patlisiso e tshwanetseng go dirwa.
Gore babatlisisi ba ICD ba dire ditiro tsa bona ka nonofo le bokgoni, Tona wa Pabalesego le Tshireletso o dumeletse gore babatlisisi ba ICD ba ba lemogilweng ke Mokaedi Mogolo, ba abelwe dithata tsa go tlhokomela.
ICD ga e ikaelele go nyatsa ditiro tsa sepodisi tse di dumeletsweng. ICD e ineetse go thusa sepodisi ka tiro ya yona ya go fetola le go tiisetsa tlhabololo le dikgolagano tsa tirisanommogo le SAPS.
<fn>tswana.txt</fn>
Yo ke Sarah Ndlovu. Ke mosadi wa magae yo o tiileng, o godisa ditlogolo di le supa ka boena. Ngwana a le mongwe o na le bogole. O tshela ka madi a morwae yo o rategang, Xolani a mo a fang nako le nako. Ka dinako dingwe, ka nako ya kotulo, o bona tiro go tswa balemiruing.
Xolani ke morwa wa ga Sarah o mogolo o o rategang. O na le mosadi le bana ba le babedi, le letseno le le nnye mme le tsepame go tswa tirong ya gagwe. Maikemisetso magolo a gagwe mo botshelong ke go tsena mo ntlong ya gagwe. Ena le lelapa la gagwe ba hirile mokhukhu mo segotlong kwa morago ga mongwe osele. Xolani o nwa go itebatsa mathata a gagwe, fela fa a tagwa o dira le ntwa.
Yo ke Patricia, mogatsa Xolani. O nyetswe a le mmotlana, mme le fa a rata mogatse le bana, ka nako nngwe o akanya ka gore botshelo bo ka bo bo farologane jang mo go ena fa a ne a se na monna yo o nwang a bo a lwa.
Sarah o na le ditshwanelo, fela ga a itse gore a di dirise jang. Sarah o tlhoka tshedimosetso, mme o tlhoka tshegetso.
Go ya ka Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo go Tshedimosetso, mafapha a puso a a maleba a tshwanetse go tlamela tshedimosetso e motho yo a e tlhokang, gonne e amana le ditshwanelo tsa gagwe tsa molaotheo. Re na le tshwanelo go botsa ka tshedimosetso efe kana efe e e amang ditshwanelo tsa rona ka tlhamalalo, go tswa go setheo sa puso kana khamphani ya poraefete, mme ba tshwanetse go re e neela.
Go na le mananeo a le mantsi a go thusa MaAforika Borwa ka merero ya mefutafuta e e amanang le dintlo. Gongwe nngwe ya tse e ka nna mosola kwa go wena, kana mongwe yo o mo itseng.
Batho ba le bantsi ba nna mo difoleteng tse di agilweng ke puso ya maloba, ba duela rente. Ka thuso ya Sekema sa Tshiamelo ya Phokoletso, jaanong ba ka bona kadimo go reka folete ka tlhotlhwa e e fokoditsweng. Golagana le Lefapha la Merero ya Selegae (bona tsebe 26) go bona ka fa o ka nnang le folete ya puso e o nnang mo go yona.
A o ntse o itse?
Dinomoro tsa mogala wa mahala di mahala go tswa mo mogaleng wa fa fatshe?
TB e anamisiwa ka megare e e tshelang mo matheng. Fa motho yo o tshwaetsegileng a ethimola kana a gotlhola, marothodinyana a tsena makgwafo a mongwe le mongwe yo o fa gaufi. Go tlala go go feteletseng ga batho ka jalo go tshameka karolo mo go anamiseng TB.
Molao wa Bosetšhaba wa Boitekanelo wa re sepetlele sengwe le sengwe sa setšhaba kana tleleneki di tshwanetse go nna le tsamaiso e e tlhamaletseng ya batho go e latela fa ba eletsa go ngongorega. Fa o sa tlhomamise gore ditsamaiso ke dife, botsa kwa sepetlele. Ba tlamilwe ke molao go go tlhalosetsa tsamaiso.
HPCSA e batlisisa le go dirana le dingongorego kgatlhanong le diporofešenale, e le ba poraefete kana ba ba thapilweng ke Naga. Ka ntlha ya gore go sa duelwe e bile ba fitlhelega, o tshwanetse go ya go HPCSA fa o na le ngongorego e e utlwalang.
Leina la gago le leina la motho la motho yo ngongorego e leng kgatlhanong nae.
A o ne o itse?
Kabo e, e naya tshegetso ya ditšhelete kwa bathong ba ba tlhokomelang bana ba ba nang le bogole bo bo feteletseng e bile ba tlhoka tlhokomelo nako e e tletseng. Batho ba, ba ka nna batsadi, batsadi ba bafatlhosi kana bao ba ba tlhomilweng jaaka batlhokomedi ke kgotlatshekelo.
Madi ga jaana ke R870 ka kgwedi.
Ngwana o tshwanetse go nna moagi wa Aforika Borwa. Le gale batsadi ba bafatlhosi ga ba tlhoke go nna baagi ba Aforika Borwa.
Ngwana o ntse a ka se tlhokomelwe mo kelong ya diura di le 24 go feta dikgwedi tse thataro mo setheong se se tshegediwang ka madi ka botlalo.
Mokopi le molekane (fa e le batsadi ba pelego ba ngwana) ba tshwanetse go amogela kwa tlase ga R4 000 ka kgwedi kana R48 000 ka ngwaga. Letseno la ngwana go tswa metsweding e mengwe le tshwanetse go nna kwa tlase go na le R17 760 ka ngwaga. Letseno la batsadi ba bafatlhosi ga le ne le lebelelwa.
<fn>tswana5.txt</fn>
Kaelo e e mosola go dirisiwa ya go go thusa go kgetha dijo tse di fang pholo e e molemo go go boloka o nonofile ka nako ya fa o lwala.
Go botlhokw a gore mongw e le mongw e a je dijo tse di fang pholo e e molemo, mme ebile go botlhokwa le go feta gore o kgethe dijo ka botlhale fa e le gore o tshela ka bolw etsi bongw e. Go ja dijo tse di fang pholo e e molemo go raya go ja dijo tse di tla nayang mmele wa gago dikotla tsotlhe tse o di tlhokang gore o dire sentle le tse di tla o thusang gore o lw antshe ditw atsi. Dikotla ke dilo tse di bonw ang mo dijong. Go na le dikotla tse di farologaneng mo dijong, e leng diporoteine, dikhabohaeterete, mafura, dibitamine le diminerale.
Fa o lwala bolwetsi jo bo sa foleng, (jo bo tshw anang le TB, Kankere kana AIDS), tsamaiso ya mmele wa gago ya go iphemela mo ditw atsing e a fokola. Seno se raya gore mmele w a gago ga o sa tlhola o kgona go iphemela sentle kgatlhanong le ditw atsi jaaka o kile wa bo o dira pele. Fa tsamaiso ya mmele ya go iphemela mo ditw atsing e le bokoa seo se ka dira gore molomo, kgokgotsho kana mala a tsenwe ke ditw atsi. Go ja dijo tse di fang pholo e e molemo go tla naya mmele wa gago dikotla tse di tla tiisang tsamaiso ya mmele w a gago ya go iphemela mo ditw atsing gore e lw antshe ditw atsi.
ikutlw e o tsogile sentle; le nne le botshelo jo bo botoka.
Malw etsi a a tshw anang le TB, kankere kgotsa A IDS gantsi a dira gore dikotla di nne ka selekanyo se se kw a tlase.
Dikotla tse di ka selekanyo se se kw a tlase di dira gore tsamaiso ya mmele ya go iphemela kgatlhanong le ditw atsi e koafale, mme ka gone go nne motlhofo gore motho a tsenw e ke ditw atsi. Fa motho a na le tw atsi ya HIV, dikotla tse di ka selekanyo se se kwa tlase di ka dira gore motho a tsenw e ke AIDS ka bonako thata.
Go na le ditsela di le dintsi tse o ka jang dijo tse di fang pholo e e molemo ka tsone. Mmele w a gago o tlhoka dijo tse dintsi tse di farologaneng. Ga go na dijo tse di nang le dikotla tsotlhe tse mmele w a gago o di tlhokang. Kgetha dijo tse di motlhofo go bonw a, tse o ka di kgonang le tse o di ratang, o bo o di itumelele.
Ka bonako fela fa o sena go itse gore o na le bolw etsi jo bo rileng, ela tlhoko thata gore o ja eng. Go ja dijo tse di tshedisang sentle go ka go thusa go lw antsha ditwatsi le go go thusa gore o seka w a bopama.
Gore dijo tse o di jang di go solegele molemo, ja dijo tse di ntsi tse di farologaneng tse o ka kgonang go di bona. Fa o ja dijo tse di farologaneng seo se tla go thusa gore o bone dikotla tsotlhe tse mmele wa gago o di tlhokang mo dijong tse o di jang. Fa o ketefalelw a ke go ja thata ka nako e le nngw e, leka go ja go se kae fela makgetlo a le mmalw a mo letsatsing go tlhomamisa gore o ja dijo tse di lekaneng.
Dijo tse di nang le setatšhe tse di tshwanang le borotho, bogobe, diseriale, raese, ditapole, setampa, mmedi, mabele, le pasta nako le nako e nne karolo e kgolo ya dijo tse o di jang. Dijo tse di nang le setatšhe di naya mmele maatla le dikotla tse dingw e gore o dire sentle. Tlatsa dijo tse di nang le setatšhe ka dijo dipe tse dingw e tse di tshwanang le merogo, dinaw a tse di omileng, nama ya koko kgotsa mae go dira gore e nne dijo tse di balolang.
Merogo le maungo di naya mmele wa gago dibitamine le diminerale tse dintsi le dilo tse dingw e tse di tla thusang go sireletsa mmele w a gago kgatlhanong le ditwatsi.
Dijo tse di tswang mo diphologolong di naya mebele ya rona dikotla tse dintsi tse di farologaneng.
Nngw e ya tseno ke diporoteine, eleng tse di thusang go tiisa tsamaiso ya mmele ya go iphemela kgatlhanong le ditw atsi le go aga mesifa ya mmele.
Setlhopha seno sa dijo tse di tswang mo dimeleng di na le diporoteine tse dintsi le dikotla tse dingw e tsa botlhokw a. Fa o dira dijo tseno bontlhanngw e jwa dijo tse di fang mmele pholo e e molemo tseo o di jang seo se tla go thusa go lw antsha ditw atsi.
Sukir i, mafura le dioli le tsone ke botlhanngw e jwa mokgw a wa go ja dijo tse di fang pholo e e molemo. Di go naya maikatlapelo a a oketsegileng gore o lw antsha bolw etsi ebile di natefisa dijo thata.
Batho botlhe ba tshw anetse go dirisa letswai le sekae fela, ka gonne go ja letswai le lentsi go ka nna ga tlatseletsa mo go tsenyeng batho bolw etsi jw a kgatelelo e e kwa godimo ya madi. Lefa to ntse jalo, fa o tshwerwe ke letshololo kgotsa o kgw a, o ntsha letswai le lentsi le metsi. Tlhomamisa gore o busetsa letswai le metsi a a duleng, ka go nw a gantsi kafa o ka kgonang ka teng metsi a a lokilw eng ka letswai le sukiri litara ya metsi a a bedisitsw eng a a tsedifaditsw eng le dintshw ana tse 8 tsa sukiri le halofo ya lesw ana le le lengw e la letsw ai.
Go nw a metsi go botlhokw a mo go mongw e le mongw e. Nwa metsi a a lekaneng go tlhomamisa gore o busetsa metsi a a duleng ka nako ya fa o tshw erwe ke letshololo, o kgwa le fa o fufula bosigo. Metsi a dipompo gantsi a bolokesegile, mme bogolo bedisa metsi a a tsw ang mo didibeng, mo nokeng kgotsa a a borilw eng, o bo o a tsidifatse.
O seka w a nwa dinotagi dipe fela. Bojalwa bo kotsi mo sebeteng ebile bo dira gore mmele o latlhegelw e ke dibitamini tse di sireletsang mmele kgatlhanong le ditw atsi. Gape go botlhokw a thata gore o seka w a nw a bojalw a bope fa o dirisa melemo ka gonne seo se tla gobatsa sebete sa gago.
Nna o tshw aregile thata ka moo o ka kgonang ka teng go boloka mesifa ya mmele w a gago e nonofile.
Fa o dira tiro e o dirisang mmele mo go yone e e tshw anang le go taboga, go phepafatsa ntlo, le go bereka mo tshingw aneng seo se tla tokafatsa go ikutlw a ga gago o tsogile sentle.
Ka metlha tlhapa matsogo ka sesepa (molora) pele ga go ama dijo le morago ga teng.
Tlhatsw a dijana tsotlhe le mo o berekelang teng ka dijo.
Khurumela dijo gore di seka tsa angw a ke ditshenekegi kgotsa diphologolo.
Tlhatsw a maungo le merogo thata ka metsi a a phepa, a a bolokesegileng.
Fa e le gore o ka se kgone go tlhatsw a maungo le merogo ka botlalo, di obole.
Leba mokwalo o o supang letlha leo selo se tshw anetseng go bo se rekisitswe ka lone le le mo sephuthelwaneng sa sone ("sell by date"). Tlhomamisa gore o seka wa reka dijo tseo fa letlha leo le fetile.
Go kotsi go reka dijo tse di mo dithining fa thini eo e senyegile kgotsa e budulogile.
Tlhomamisa gore o seka w a ja nama e e sa butsw ang ya kgomo, ya koko, ya tlhapi kgotsa mae.
Budusa dijo sentle go bolaya megare.
Fa e le gore o na le foritšhe, tsenya dijo tsotlhe tse di setseng mo go yone kgotsa o di boloke di khurumetsw e mo lefelong le le tsididi.
Dijo tse di apeilweng ga di a tshw anela go bew a go feta letsatsi, mme di tshw anetse go thuthafadiwa pele ga di jew a.
Boloka dijo mo lefelong le le tsididi ka mo go kgonegang ka teng. Leka gore o seka w a baya dijo mo tempheretšhareng e e mo ntlong go feta dioura tse pedi.
Go ja dijo tse di fang pholo e e molemo go siametse mongw e le mongwe. Fa o lw ala, go botlhokw a thata gore o dire jalo.
Thibela go bopama.
Thibela gore mesifa e seka ya koafala.
Busetsa dikotla tse di tswang fa o kgw a le fa o tshwerwe ke letshololo.
Tokafala ka bonako fa o na le ditw atsi le go dira gore dintho di fole ka bonako.
Itsetsepela botoka ka go dirisa melemo le kalafi.
Go ja dijo tse di fang pholo e e molemo go thusa batho botlhe gore ba ikutlwe sentle ba bo ba tshele botoka, ba lwala kgotsa ba sa lwale!
