GO JA DIJO TSE DI FANG PHOLO E E MOLEMO GORE O TSHELE BOTOKA
Kaelo e e mosola go dirisiwa ya go go thusa go kgetha dijo tse di fang pholo e e molemo go go boloka o nonofile ka nako ya fa o lwala.
Go botlhokw a gore mongw e le mongw e a je dijo tse di fang pholo e e molemo, mme ebile go botlhokwa le go feta gore o kgethe dijo ka botlhale fa e le gore o tshela ka bolw etsi bongw e. Go ja dijo tse di fang pholo e e molemo go raya go ja dijo tse di tla nayang mmele wa gago dikotla tsotlhe tse o di tlhokang gore o dire sentle le tse di tla o thusang gore o lw antshe ditw atsi. Dikotla ke dilo tse di bonw ang mo dijong. Go na le dikotla tse di farologaneng mo dijong, e leng diporoteine, dikhabohaeterete, mafura, dibitamine le diminerale.
KE KA NTLHA YANG FA GO LE BOTLHOKWA THATA JAANA GORE O JE DIJO TSE DI FANG
PHOLO E E MOLEMO FA O LWALA?
Fa o lwala bolwetsi jo bo sa foleng, (jo bo tshw anang le TB, Kankere kana AIDS), tsamaiso ya mmele wa gago ya go iphemela mo ditw atsing e a fokola. Seno se raya gore mmele w a gago ga o sa tlhola o kgona go iphemela sentle kgatlhanong le ditw atsi jaaka o kile wa bo o dira pele. Fa tsamaiso ya mmele ya go iphemela mo ditw atsing e le bokoa seo se ka dira gore molomo, kgokgotsho kana mala a tsenwe ke ditw atsi. Go ja dijo tse di fang pholo e e molemo go tla naya mmele wa gago dikotla tse di tla tiisang tsamaiso ya mmele w a gago ya go iphemela mo ditw atsing gore e lw antshe ditw atsi. Ga go na dijo dipe tse di ka alafang bolw etsi jw a gago jo bo sa foleng, mme fa o ja dijo tse di fang pholo e e molemo seo se tla tlhomamisa gore mmele w a gago o nne le maatla a a lekaneng le dikotla tse dingw e gore o:
oketse maatla a mmele w a gago;
ikutlw e o tsogile sentle; le nne le botshelo jo bo botoka.
Go ja dijo tse di fang pholo e e molemo go tla go thusa gore o lwantshe ditwatsi le go itsetsepela botoka kgatlhanong le bolwetsi
Malw etsi a a tshw anang le TB, kankere kgotsa A IDS gantsi a dira gore dikotla di nne ka selekanyo se se kw a tlase. Lebaka la seno ke gore:
mmele o tlhoka dikotla tse di oketsegileng gore o lwantshe ditw atsi;
ditw atsi di ka dira gore motho a sulafalelw e ke dijo, a bo a nne le mathata a go ja;
Dikotla tse di ka selekanyo se se kw a tlase di dira gore tsamaiso ya mmele ya go iphemela kgatlhanong le ditw atsi e koafale, mme ka gone go nne motlhofo gore motho a tsenw e ke ditw atsi. Fa motho a na le tw atsi ya HIV, dikotla tse di ka selekanyo se se kwa tlase di ka dira gore motho a tsenw e ke AIDS ka bonako thata.
NKA JA DIJO TSE DI FANG PHOLO E E MOLEMO JANG?
Go na le ditsela di le dintsi tse o ka jang dijo tse di fang pholo e e molemo ka tsone. Mmele w a gago o tlhoka dijo tse dintsi tse di farologaneng. Ga go na dijo tse di nang le dikotla tsotlhe tse mmele w a gago o di tlhokang. Kgetha dijo tse di motlhofo go bonw a, tse o ka di kgonang le tse o di ratang, o bo o di itumelele.
Fa o tshela ka bolw etsi bongwe, dikaelo tse di latelang di ka go thusa go kgetha mokgwa w a go ja ka tsela e e fang pholo e e molemo:
SIMOLOLA GO SA LE GALE!
Ka bonako fela fa o sena go itse gore o na le bolw etsi jo bo rileng, ela tlhoko thata gore o ja eng. Go ja dijo tse di tshedisang sentle go ka go thusa go lw antsha ditwatsi le go go thusa gore o seka w a bopama.
JA DIJO TSE DI FAROLOGANENG
Gore dijo tse o di jang di go solegele molemo, ja dijo tse di ntsi tse di farologaneng tse o ka kgonang go di bona. Fa o ja dijo tse di farologaneng seo se tla go thusa gore o bone dikotla tsotlhe tse mmele wa gago o di tlhokang mo dijong tse o di jang. Fa o ketefalelw a ke go ja thata ka nako e le nngw e, leka go ja go se kae fela makgetlo a le mmalw a mo letsatsing go tlhomamisa gore o ja dijo tse di lekaneng.
TLHOMAMISA GORE DIJO TSA GAGO KA BONTSI E NNE TSE TSE DI NANG LE SETATŠHE
Dijo tse di nang le setatšhe tse di tshwanang le borotho, bogobe, diseriale, raese, ditapole, setampa, mmedi, mabele, le pasta nako le nako e nne karolo e kgolo ya dijo tse o di jang. Dijo tse di nang le setatšhe di naya mmele maatla le dikotla tse dingw e gore o dire sentle. Tlatsa dijo tse di nang le setatšhe ka dijo dipe tse dingw e tse di tshwanang le merogo, dinaw a tse di omileng, nama ya koko kgotsa mae go dira gore e nne dijo tse di balolang.
JA MEROGO E MENTSI LE MAUNGO LETSATSI LE LETSATSI
Merogo le maungo di naya mmele wa gago dibitamine le diminerale tse dintsi le dilo tse dingw e tse di tla thusang go sireletsa mmele w a gago kgatlhanong le ditwatsi.
O KA JA NAMA YA KOKO, YA TLHAPI, YA KGOMO, MASHI KGOTSA MAE LETSATSI LE
LETSATSI
Dijo tse di tswang mo diphologolong di naya mebele ya rona dikotla tse dintsi tse di farologaneng.
Nngw e ya tseno ke diporoteine, eleng tse di thusang go tiisa tsamaiso ya mmele ya go iphemela kgatlhanong le ditw atsi le go aga mesifa ya mmele.
KA M ETLHA JA DINAWA TSE DI OMILENG, DIEREKISI, LETLHODI LE DIJO TSE DI DIRILWENG
Setlhopha seno sa dijo tse di tswang mo dimeleng di na le diporoteine tse dintsi le dikotla tse dingw e tsa botlhokw a. Fa o dira dijo tseno bontlhanngw e jwa dijo tse di fang mmele pholo e e molemo tseo o di jang seo se tla go thusa go lw antsha ditw atsi.
AKARETSA LE SUKIRI, MAFURA LE DIOLI MO DIJONG TSA GAGO
Sukir i, mafura le dioli le tsone ke botlhanngw e jwa mokgw a wa go ja dijo tse di fang pholo e e molemo. Di go naya maikatlapelo a a oketsegileng gore o lw antsha bolw etsi ebile di natefisa dijo thata.
DIRISA LETSWAI LE SEKAE FELA
Batho botlhe ba tshw anetse go dirisa letswai le sekae fela, ka gonne go ja letswai le lentsi go ka nna ga tlatseletsa mo go tsenyeng batho bolw etsi jw a kgatelelo e e kwa godimo ya madi. Lefa to ntse jalo, fa o tshwerwe ke letshololo kgotsa o kgw a, o ntsha letswai le lentsi le metsi. Tlhomamisa gore o busetsa letswai le metsi a a duleng, ka go nw a gantsi kafa o ka kgonang ka teng metsi a a lokilw eng ka letswai le sukiri litara ya metsi a a bedisitsw eng a a tsedifaditsw eng le dintshw ana tse 8 tsa sukiri le halofo ya lesw ana le le lengw e la letsw ai.
KE ENG SE NKA SE DIRANG KA DINO?
NWA METSI A MANTSI A A PHEPA, A A BOLOKESEGILENG
Go nw a metsi go botlhokw a mo go mongw e le mongw e. Nwa metsi a a lekaneng go tlhomamisa gore o busetsa metsi a a duleng ka nako ya fa o tshw erwe ke letshololo, o kgwa le fa o fufula bosigo. Metsi a dipompo gantsi a bolokesegile, mme bogolo bedisa metsi a a tsw ang mo didibeng, mo nokeng kgotsa a a borilw eng, o bo o a tsidifatse.
O SEKA WA NWA DINOTAGI
O seka w a nwa dinotagi dipe fela. Bojalwa bo kotsi mo sebeteng ebile bo dira gore mmele o latlhegelw e ke dibitamini tse di sireletsang mmele kgatlhanong le ditw atsi. Gape go botlhokw a thata gore o seka w a nw a bojalw a bope fa o dirisa melemo ka gonne seo se tla gobatsa sebete sa gago.
NNA O TSHWAREGILE THATA KA MOO O KA KGONANG KA TENG
Nna o tshw aregile thata ka moo o ka kgonang ka teng go boloka mesifa ya mmele w a gago e nonofile.
Fa o dira tiro e o dirisang mmele mo go yone e e tshw anang le go taboga, go phepafatsa ntlo, le go bereka mo tshingw aneng seo se tla tokafatsa go ikutlw a ga gago o tsogile sentle.
JA DIJO TSE DI BOLOKESEGILENG, TSE DI PHEPA KA METLHA!
GAKOLOGELWA:
Ka metlha tlhapa matsogo ka sesepa (molora) pele ga go ama dijo le morago ga teng.
Tlhatsw a dijana tsotlhe le mo o berekelang teng ka dijo.
Khurumela dijo gore di seka tsa angw a ke ditshenekegi kgotsa diphologolo.
Tlhatsw a maungo le merogo thata ka metsi a a phepa, a a bolokesegileng.
Fa e le gore o ka se kgone go tlhatsw a maungo le merogo ka botlalo, di obole.
Leba mokwalo o o supang letlha leo selo se tshw anetseng go bo se rekisitswe ka lone le le mo sephuthelwaneng sa sone ("sell by date"). Tlhomamisa gore o seka wa reka dijo tseo fa letlha leo le fetile.
Go kotsi go reka dijo tse di mo dithining fa thini eo e senyegile kgotsa e budulogile.
Tlhomamisa gore o seka w a ja nama e e sa butsw ang ya kgomo, ya koko, ya tlhapi kgotsa mae.
Budusa dijo sentle go bolaya megare.
Fa e le gore o na le foritšhe, tsenya dijo tsotlhe tse di setseng mo go yone kgotsa o di boloke di khurumetsw e mo lefelong le le tsididi.
Dijo tse di apeilweng ga di a tshw anela go bew a go feta letsatsi, mme di tshw anetse go thuthafadiwa pele ga di jew a.
Boloka dijo mo lefelong le le tsididi ka mo go kgonegang ka teng. Leka gore o seka w a baya dijo mo tempheretšhareng e e mo ntlong go feta dioura tse pedi.
MESOLA YA GO JA DIJO TSE DI FANG PHOLO E E MOLEMO.
Go ja dijo tse di fang pholo e e molemo go siametse mongw e le mongwe. Fa o lw ala, go botlhokw a thata gore o dire jalo. Fa o ka itisa thata mo go se o se jang, o ka:
Thibela go bopama.
Thibela gore mesifa e seka ya koafala.
Busetsa dikotla tse di tswang fa o kgw a le fa o tshwerwe ke letshololo.
Tokafala ka bonako fa o na le ditw atsi le go dira gore dintho di fole ka bonako.
Itsetsepela botoka ka go dirisa melemo le kalafi.
Gakologelwa -
Go ja dijo tse di fang pholo e e molemo go thusa batho botlhe gore ba ikutlwe sentle ba bo ba tshele botoka, ba lwala kgotsa ba sa lwale!
