Yo ke Sarah Ndlovu. Ke mosadi wa magae yo o tiileng, o godisa ditlogolo di le supa ka boena. Ngwana a le mongwe o na le bogole. O tshela ka madi a morwae yo o rategang, Xolani a mo a fang nako le nako. Ka dinako dingwe, ka nako ya kotulo, o bona tiro go tswa balemiruing.
Xolani ke morwa wa ga Sarah o mogolo o o rategang. O na le mosadi le bana ba le babedi, le letseno le le nnye mme le tsepame go tswa tirong ya gagwe. Maikemisetso magolo a gagwe mo botshelong ke go tsena mo ntlong ya gagwe. Ena le lelapa la gagwe ba hirile mokhukhu mo segotlong kwa morago ga mongwe osele. Xolani o nwa go itebatsa mathata a gagwe, fela fa a tagwa o dira le ntwa.
Yo ke Patricia, mogatsa Xolani. O nyetswe a le mmotlana, mme le fa a rata mogatse le bana, ka nako nngwe o akanya ka gore botshelo bo ka bo bo farologane jang mo go ena fa a ne a se na monna yo o nwang a bo a lwa.
Sarah o na le ditshwanelo, fela ga a itse gore a di dirise jang. Sarah o tlhoka tshedimosetso, mme o tlhoka tshegetso.
Go ya ka Molao wa Kgodiso ya Phitlhelelo go Tshedimosetso, mafapha a puso a a maleba a tshwanetse go tlamela tshedimosetso e motho yo a e tlhokang, gonne e amana le ditshwanelo tsa gagwe tsa molaotheo. Re na le tshwanelo go botsa ka tshedimosetso efe kana efe e e amang ditshwanelo tsa rona ka tlhamalalo, go tswa go setheo sa puso kana khamphani ya poraefete, mme ba tshwanetse go re e neela.
Kgodiso ya Molao wa Tsamaiso ya Bosiamisi
Go na le mananeo a le mantsi a go thusa MaAforika Borwa ka merero ya mefutafuta e e amanang le dintlo. Gongwe nngwe ya tse e ka nna mosola kwa go wena, kana mongwe yo o mo itseng.
Batho ba le bantsi ba nna mo difoleteng tse di agilweng ke puso ya maloba, ba duela rente. Ka thuso ya Sekema sa Tshiamelo ya Phokoletso, jaanong ba ka bona kadimo go reka folete ka tlhotlhwa e e fokoditsweng. Golagana le Lefapha la Merero ya Selegae (bona tsebe 26) go bona ka fa o ka nnang le folete ya puso e o nnang mo go yona.
Khansele ya Bosetšhaba ya Kwadiso ya Baagi ba Legae
Mogala wa Mahala : 0800 200 824 Mogala wa Bofora : 0800 203 698 Mogala: 317-0000 Fekese: 317-0105
Therasete ya Tshireletso ya Modirisi wa Ntlo E tlamela keletso ya semolao ya mahala kwabadirising ba dintlo ba letseno tlase Mogala wa mahala: 0800 111 663
Setlhopha sa Tshegetso ya Kago ya Tikologo
Ba maatlafatsa baagi go siamisa ditlhokego tsa bona tsa dintlo Mogala : 394-4980 Fekese : 394-4979
Setlhopha sa Kgato ya Tsweletso (DAG)
Mogala: 448-7886 Fekese: 447-1987
Golagana le Lefapha la Dintlo
Porofense Aterese ya Poso Nomoro ya Mogala Nomoro ya Fekese
A o ntse o itse?
Dinomoro tsa mogala wa mahala di mahala go tswa mo mogaleng wa fa fatshe?
TB e anamisiwa ka megare e e tshelang mo matheng. Fa motho yo o tshwaetsegileng a ethimola kana a gotlhola, marothodinyana a tsena makgwafo a mongwe le mongwe yo o fa gaufi. Go tlala go go feteletseng ga batho ka jalo go tshameka karolo mo go anamiseng TB.
TB e ka alafiwa ka katlego fa molwetse a tsepama ka botshepegi mo kalafing paka yotlhe
Thuso le tshiamiso
Molao wa Bosetšhaba wa Boitekanelo wa re sepetlele sengwe le sengwe sa setšhaba kana tleleneki di tshwanetse go nna le tsamaiso e e tlhamaletseng ya batho go e latela fa ba eletsa go ngongorega. Fa o sa tlhomamise gore ditsamaiso ke dife, botsa kwa sepetlele. Ba tlamilwe ke molao go go tlhalosetsa tsamaiso. O ka nna gape wa golagana le Khansele ya Diporofešene tsa Boitekanelo ya Aforika
HPCSA e batlisisa le go dirana le dingongorego kgatlhanong le diporofešenale, e le ba poraefete kana ba ba thapilweng ke Naga. Ka ntlha ya gore go sa duelwe e bile ba fitlhelega, o tshwanetse go ya go HPCSA fa o na le ngongorego e e utlwalang.
Ngongorego e tshwanetse go nna e e kwadilweng mme e tshwanetse go neela dintlha tse di latelang:
Leina la gago le leina la motho la motho yo ngongorego e leng kgatlhanong nae.
Letlha le lefelo la tiragalo
Ka fa tiragalo e diragetseng
Golagana le Lefapha la Boitekanelo
A o ne o itse?
Bona Kabo ya Tshegetso ya Ngwana, tsebe 37 Bona Kabo ya Bofatlhosi ya Ngwana, tsebe 37
Bona Kabo ya Bogole, tsebe 38
DIKABO
Kabo ya tlhokomelo ya botsholwa
Kabo e, e naya tshegetso ya ditšhelete kwa bathong ba ba tlhokomelang bana ba ba nang le bogole bo bo feteletseng e bile ba tlhoka tlhokomelo nako e e tletseng. Batho ba, ba ka nna batsadi, batsadi ba bafatlhosi kana bao ba ba tlhomilweng jaaka batlhokomedi ke kgotlatshekelo.
Madi ga jaana ke R870 ka kgwedi.
Ngwana o tshwanetse go nna moagi wa Aforika Borwa. Le gale batsadi ba bafatlhosi ga ba tlhoke go nna baagi ba Aforika Borwa.
Mokopi le ngwana ba tshwanetse go nna mo Aforika Borwa
Ngwana o ntse a ka se tlhokomelwe mo kelong ya diura di le 24 go feta dikgwedi tse thataro mo setheong se se tshegediwang ka madi ka botlalo.
Ngwana o tshwanetse go nna magareng ga bogolo jwa ngwaga le tse di lesomerobedi
Mokopi le molekane (fa e le batsadi ba pelego ba ngwana) ba tshwanetse go amogela kwa tlase ga R4 000 ka kgwedi kana R48 000 ka ngwaga. Letseno la ngwana go tswa metsweding e mengwe le tshwanetse go nna kwa tlase go na le R17 760 ka ngwaga. Letseno la batsadi ba bafatlhosi ga le ne le lebelelwa.
