Itse melemo ya gago
Kitso ke molemo o o gaisang
Mma/Rra- Melemo wa gago o tla go bolelelatsotlhe tse o tshwanetseng go di itse mabapi lemelemo ya gago
Itse melemo e o e dirisang le lebaka la teng
Itse leina la molemo o o o dirisang
Itse lebaka la go dirisa molemo
Itse mekgwa e o tshwanetseng go boloka melemo ya gago ka yona
Boloka melemo mo felong fa go marutshwana, mme go omile, eseng fa go leng kganya ya letsatsi
Melemo mengwe e tlhoka go bolokelwa mo setsidifatsing
Boloka melemo fa bana ba sa fitlheleleng teng
O tlhoka tlhokomelo ya melemo ya nako e e tswelelang
Bolwetse jwa gago bo ka alafega tota
Itse melemo ya gago ya bolwetse ba mafatlha-a-magolo (TB)
Fa o na le bolwetse jwa TB, amogela kalafi e e sa duelelweng kwa kliniking
Melemo ya TB e tshwanetse go nowa ka tolamo dikgwedi di le thataro, bonnye
Rulaganya le mongwe go netefatsa gore o nwa melemo ya gago ka tolamo
Go ya ka maemo a gago, o thloka go tsaya melemo sebaka se seleele
Bolela fa maemo a gago a etegela
Itse se o tshwanetseng go se dira ka melemo ya gago e o sa e fet-sang, le e e fetilweng ke sebaka sa yona
O seke wa dirisa melemo e e fetilweng ke sebaka sa yona
O seke wa latlhela melemo mo pitsaneng ya matlakala, kgot-sa mo moselwaneng wa metsi a a leswe (drain)
Busetsa melemo e e fetilweng ke sebaka sa yona, le e e sa felang, e kwa go rra/mma-melemo kgotsa kwa kliniking
O seke wa abelana ka melemo ya gago e o sa e dirisang/ fetsang
Kitso ke molemo o o gaisang
Tswana
