BUKANA YA LEFAPHA LA DITIRELO TSA PUSO LE
TSAMAISO
Go ya ka karolo 14 ya Molao wa Thotloetso ya Phitlhelelo ya
Tshedimosetso wa 2000 (Molao wa No. 2 wa 2000)
DITENG
Ditiro tsa Lefapha la Ditirelo tsa Puso le Tsamaiso (DPSA)
Dintlha tsa go ikgokaganya le modiredi wa tshedimosetso
Kaelo ya Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa ya gore o ka dirisa jang Molao
Tlhaloso ya dilwana tse DPSA e tshwarang direkhoto le ditlhopha tsa direkoto tse di tshwerweng mo selwaneng sengwe le sengwe
Direkhoto tse di leng teng
Thulaganyo ya kopo
Ditirelo tse di leng teng mo setšhabeng
Thulaganyo e e letlelelang go nna le seabe mo go direng pholisi le tiragatso ya ditiro
Dipaakanyo tse di leng teng tsa ditiro kgotsa go palelwa go dira
DITIRO TSA LEFAPHA LA DITIRELO TSA PUSO LE TSAMAISO (DPSA)
DPSA e eletsa Tona ya Ditirelo tsa Puso le Tsamaiso ka maikemisetso a a amanang le tirelo ya setšhaba go ya ka molaotheo le ditaolelo tse dingwe tsa peomolao. Gape, DPSA e tshegetsa Tona mo go tlhokomeleng Setheo sa Puso sa Tshedimosetso ya Thekenoloji (SITA) le Setheo sa Boitlhamelo sa Bodiredipuso (CPSI).
Molaotheo le ditaolelo tse dingwe tsa peomolao: Kgaolo 10 Molao ya Molaotheo wa Repaboliki ya Aforika Borwa, 1996 (Molao No. 108 wa 1996), o rulaganya dilo tsa taolo ya bodiredipuso. Karolo 197 e na le ditlhoko tse di totobetseng tsa bodiredipuso, go akaretsa ditlhoko tsa bodiredipuso jo bo tshwanetseng go dira, mme bo bopege go ya ka peomolao ya bosetšhaba;
dintlha le maemo a thapo ya bodiredipuso di laolwa ke peomolao ya bosetšhaba; le letlhomeso la melawana le dikaelo tse di tshwanang mo mebusong ya diporofensi e tshwanetse go tlhabolola maikarabelo mo badiredingpuso jwa yona. Peomolao ya bosetšhaba le letlhomeso la dikaelo le melawana e e tlhagisitsweng mo molaotheong e tlhomamisitswe ka Molao wa Bodiredipuso, 1994 (itsisitswe ka fa tlase ga Kitsiso ya Molao 103 ya 1994). Molao o o rulaganya dikelo le ditiro tsa Tona ya Bodiredipuso le Taolo. Ka bokhutshwane, Molao o neela Tona kelo le ditiro go-
dira melawana mo mabakeng a ditiro, dithulaganyo tsa mokgatlho, ditiriso tsa thapo, dituelo le maemo a mangwe a tirelo, dikamano tsa tiro, taolo ya tshedimosetso, tshedimosetso ya thekenoloji, phetogo le ntšhwafatso;
tlhomamisa letlhomeso la dikaelo le melawana go dirafatsa maikemisetso;
aba mediro mo mafapheng;
go eletsa Moporesidente le khuduthamaga ya taolo mo mabakeng a a amanang le bodiredipuso le mekgatlho e e bonang letlole la yona mo letsenong la puso; le go dira melawana.
Sediredi sa Puso sa Tshedimosetso ya Thekenoloji: go tlaleletsa mabaka a a kailweng kwa godimo a bodiredipuso, dithata le ditiro tsa Tona di amanetse mo SITA. SITA e tlhomamisitswe go ya ka Molao wa Sediredi sa Puso sa Tshedimosetso ya Thekenoloji, 1998 (Molao No.88 wa 1998) SITA e neela Tshedimosetso ya Thekenoloji, mefuta ya tshedimosetso le ditirelo tse dingwe, mo tikologong e e tshegeditsweng ya polokesego ya tshedimosetso, mo bodiredipusong le mekgatlho e mengwe ya puso. Boto ya Bakaedi e rwala maikarabelo a go busa SITA. Boto ya Bakaedi e dira go ya ka melawana ya go busa e e amogelesegileng le maikarabelo a a rulagantsweng a Molao wa go Laola Matlotlo a Setšhaba, 1999 (Molao No. 1 wa 1999). Mokaedikakaretso wa DPSA ke moemedi wa yona mo Botong ya SITA.
Seralo sa Boitlhamelo jwa Bodiredipuso: Seralo sa Boitlhamelo jwa Bodiredipuso (CPSI) se tlhomamisitswe jaaka karolo 21 ya setlamo go tlamela jaaka sekgontshi, sebobofatsi, le tshimega ya dikgopolo tsa boitlhamedi. Seno se tlhoka gore go dirwe tikologo e e kgonang ya lotso la go abela dikgopolo tse dintšhwa; bebofatsa tshwaragano gareng ga baamegi ba ba faloroganeng, ka tebo ya go tlhomamisa tsweletso le kopanelo ya dithuso tsa bodirisani le phenyo ya tlhotlhwa ya tlhoko ya boitlhamelo mo bodiredipusong. Boto ya Seralo e ikarabela go Tona ya Bodiredipuso le Taolo.
DPSA e bopilwe go dirafatsa taolelo e e boletsweng kwa godimo, go na le dikgaolo di le tlhano tse dikgolo kgotsa makala mo lefapheng: Botsamaisi jwa Merero ya tsa Badiri le Tlhabololo, Tsamaiso ya Pusetso, Kantoro ya Modiredimogolo wa Tshedimosetso wa Puso, Tokafatso ya Thebolo ya Ditirelo le Taolo.
Tsamaiso ya Merero ya tsa Badiri le Tlhabololo e na le dikarolo tse di latelang: Boitekanelo le Tshiamo ya Modiri, Tlhabololo ya Merero ya tsa Badiri, Botsamaisi jwa bomefutafuta, Mekgwa ya Thapo le Botsamaisi jwa Mokgwa wa go Itshedisa le Tswelelelopele, Thulaganyo ya Merero ya tsa Badiri le PSETA.
Botsamaisi jwa Pusetso bo na le dikarolo tse di latelang: Tshedimosetso ya Mokgwa wa Tsamaiso ya Matlotlo le Tekanyetso ya Tiro, Tuelo le Dithuso tse Dikgolo, Dipuisano le Dikamano Tsa Badiri le Bodiredipuso bo le Bongwe.
Kantoro ya Modiredimogolo wa Tshedimosetso wa Puso e na le dikarolo tse di latelang: e-Government, Tshedimosetso le Thekenoloji ya Tlhaeletsano, Puso, Didirisiwa tsa Tshedimosetso le Thekenoloji ya Tlhaeletsano le Tlhabololo ya Setšhaba le Phitlhelelo.
Tokafatso ya Thebolo ya Ditirelo e na le dikarolo tse di latelang: Tiro ya Tlhabololo ya Setšhaba, Tsosoloso ya Batho Pele, Dibebofatsi tsa Thebolo ya Ditirelo le Didirisiwa tsa Thebolo ya Ditirelo.
Taolo e na le dikarolo tse di latelang:Tebelelo e e Lotaneng le Palotlhotlhwa, Patlisiso, Merero ya Boditshabatshaba le ya Aforika, Lephata la Puso le le Kgatlhanong le Bobodu le Didirisiwa tsa Thadiso ya Bolekane jwa Aforika.
Go na le dikarolo di le pedi tse di diranang le mediro ya badiri mo lefapheng tsona ke Kantoro ya Modiredimogolo wa Matlotlo le Tsamaiso ya Matlotlo a Batho. Kantoro ya Modiredimogolo wa Matlotlo e na le dikarolo tse di latelang: Botsamaisi jwa Thulaganyo ya Tshenkelo le Tsamaiso le Polokesego le Thekenoloji ya Tshedimosetso le Tsamaiso ya Kitso.
Tsamaiso ya Matlotlo a Batho e na le dikarolo tse di latelang: Tsamaiso ya Batho le Tlhabololo le Dikamano tsa Badiri le Phetogo.
Go tlaletsa mo dikgaolong di le tlhano tse dikgolo, go na le tshegetso ya Tona le tshegetso ya Kantoro ya Mokaedi-Kakaretso. Tlhaeletsano le karolo ya Tshegetso ya Tona di direla Tona, fa Kantoro ya Mokaedi-Kakaretso e Tshegetsa Molaodi-Kakaretso. Tsamaiso ya Lenane, Ditirelo tsa Molao le Karolo ya Dithuno tsa ka fa lefapheng di ikarabela go Mokaedi-Kakaretso.
Ka kopo ela tlhoko gore fa go na leng ikganetso teng gareng ga bukana e e kwadilweng ka Setswana le ka Sekgowa, e e kwadilweng ka Sekgowa e tla nna e le teng.
DINTLHA TSA GO IKGOKAGANYA LE MODIREDI WA TSHEDIMOSETSO
Mokaedikakaretso wa DPSA ke Modiredi wa yona wa tshedimosetso go ya ka Molao wa Tlhatlhoso le Phitlhelelo ya Tshedimosetso. Motlatsa Modiredi wa Tshedimosetso wa DPSA ke Mokaedimogolo: Ditirelo tsa Molao.
Mogala: 012-336-1218/1010 Fekese: 012-336-1807
KAELO YA KHOMIŠENE YA DITSHWANELO TSA BOTHO TSA AFORIKA BORWA YA GORE O KA DIRISA JANG MOLAO
Kaelo ya gore o ka dirisa jang Molao wa Thotloetso le Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa 2000, e tla nna teng kwa Khomišeneng ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa pele ga Phatwe 2003. O ka botsa dipotso kwa:
Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa: Yuniti ya PAIA Lefapha la Patlisiso le Ditokomane
TLHALOSO YA DILWANA TSE DPSA E TSHWARANG DIREKOTO LE DITLHOPHA TSA DIREKOTO TSE DI TSHWERENG MO SELWANENG SENGWE LE SENWGWE
Ka maikaelelo a go bebofatsa kopo go ya ka dintlha tsa molao, dilwana tse DPSA e tshwarang direkoto tsa yona jaaka di arogantswe mo diteng tsa Sekgowa tsa "Bukana ya Lefapha la Bodiredipuso le Taolo" (Tema 5.1,setlhogo sa yona ke-"Tlhaloso ya Dilwana tse DPSA e tshwarang direkoto le ditlhopa tsa direkoto tse di tshwereng mo selwaneng sengwe le sengwe"). Bukana e e teng mo weposieteng ya DPSA mo http://www.dpsa.gov.za/acts&policies.asp
DIREKHOTO TSE DI LENG TENG
Ga go kitsiso e e phasaladitsweng ga jaana malebana le ditlhopa tsa direkoto tsa DPSA a a leng teng kwa ntle le gore motho a kope phitlhelelo ya tsona go ya ka dintlha tsa Molao wa Tlhotllhoso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso. Fela, direkoto tse di leng gone mo webosaeteng ya DPSA, www.dpsa.gov.za gore a bonwe kgotsa a ntshiwe kwa ntle le gore motho a dire kopo ya go nna jalo go ya ka dintlha tsa molao o o boletsweng.
THULAGANYO YA KOPO
Kabo kgotsa kganelo ya kopo: Mokopo o tshwanetse go newa phitlhelelo ya rekoto ya lefapha la puso fa a ikamaganya le tse di latelang:
Mokopi a ikamaganya le thulaganyo ya ditlhoko tse di Molaong tse di amanang le kopo ya phitlhelelo ya rekoto eo; le
Phitlhelelo ya rekoto eo ga e ganelwe go ya ka mabaka a kganelo a a boletsweng mo Molaong.
Ke kopa jang phitlhelelo ya rekoto:
Mokopi o tshwanetse go dirisa fomo (Foromo A) e e kwadilweng mo Kaseteng ya Puso (Kitsiso ya Mmuso R187 ya 15 Tlhakole 2002).
Mokopi o tshwanetse go supa gore o batla khopi ya rekoto kgotsa o batla go e bona kwa dikantorong tsa lefapha la puso. Fa rekhoto e sa kwadiwa mo pampiring e ka kgona go bonwa ka mokgwa o e kopilweng ka ona, fa go leng maleba gone.
Fa motho a lopa phitlhelelo ka mokgwa o o rileng (sekao; khophi ya pampiri, khopi ya eleketeroniki, jalo jalo) mokopi o tshwanetse go bona phitlhelelo ka mokgwa oo. Fela fa se kitla se sa kgoreletse ka tsela e e sa amogelesegang tsamaiso ya lefapha la puso le le amegang, kgotsa se senya rekoto, kgotsa e itlhokomolosa molao wa kganeloketso ya puso. Fa ka mabaka a a utlwalang phitlhelelo ya rekoto e sa kgone go newa ka mokgwa o o tlhokegang mme e kgona go newa ka mokgwa mongwe, tuelo e tshwanetse go badiwa ka tsela e mokopi a kopileng ka yona pele.
Go tlaleletsa mo karobong e e kwadileng ya kopo ya bona ya rekoto, mokopi fa a batla go itsesiwe ka tshwetso ka tsela nngwe, sekao mogala, o tshwanetse go supa seo.
Fa mokopi a batla tshedimosetso mo boemong jwa motho yo mongwe, o tshwanetse go supa maemo a kopo e dirwang ka ona.
Fa mokopi a sa itse go buisa kgotsa go kwala, kgotsa a na le bogole, kopo e ka dirwa ka puisano. Modiredi wa tshedimosetso o tshwanetse go tlatsa fomo mo boemong jwa mokopi wa go nna jalo mme a mo nee khopi ya fomo e e tladitsweng.
Madi a a duelwang a kopo le kitsiso ya tshwetso ya phitlhelelo
Mokopi yo o batlang phitlhlelelo ya rekoto e e tshotseng tshedimosetso ka ga ene ga a tshwanela go duedisiwa madi ape. Mokopi mongwe le mongwe o tshwanetse go duedisiwa R35.
Modiredi wa tshedimosetso o tshwanetse go itsese mokopi (kwa ntle ga mokopi yo o kopang tshedimosetso ka ga ene) ka kitsiso, e e tlhokang mokopi a duele madi a a boletsweng a kopo (fa go tlhokega) mme a a romele ka banka (fa go tlhokega) pele a romela kopo.
Mokopi a ka dira boikuelo mo lefapheng, fa go leng maleba gone, kgotsa a dira kopo kwa kgotlhatshekelo kgatlhano le tennere kgotsa tuelo ya madi a a tlhokegang.
Fa modiredi wa tshedimosetso a fetsa go tsaya tshwetso ya kopo mokopi o tshwanetse go itsisewe ka tsela e a batlang go itsisewe ka yona.
Fa kopo e neetswe tuelo ya phitlhelelo e tshwanetse go duelwa go dirwa le go batla le thulaganyo ya nako nngwe e e batliwang ya phetotekanyetso ya diura tse di kaelweng go batla le go rulaganya gore rekoto e bonwe.
Phitlhelelo ya rekoto e tla tshwarwa go fitlhela tuelo yotlhe e e tlhokegang e duelwa.
DITUELO TSE DI LENG TENG MO SETŠHABENG
Mediro ya DPSA, jaaka e boletswe mo temaneng ya pele, ke gore badirisi ba yone ke mafapha a mangwe a puso mme ga e neele ditirelo tse di leng teng mo setšhabeng. Fela, dipalopalo tsa tshedimosetso ya matsalo, dintsho, malwetse jalo jalo, ka ga bodiredi puso (bokana jwa bodiredipuso le palo ya badiredi ba lefapha lengwe le lengwe) di ka bonwa mo botsong jwa Tshedimosetso ya Bodiredipuso jwa DPSA mo imeiling eno: M&E@dpsa.gov.za.
THULAGANYO E E LETLELELANG GO NNA LE SEABE MO GO DIRENG PHOLISI LE TIRAGATSO YA DITIRO
Pholisi le peomolao: Fa DPSA e tlhagisa pholisi e ntshwa kgotsa peomolao e tshwara ditherisano le baamegi botlhe ka taletso ya ditshwaelo mo dipampitshaneng tse di phasaladitsweng le/kgotsa kopanotherisano/dikhonferense. Tirego e ya go nna le seabe e farologana go ya ka mofuta wa porojeke mme ka gale e itsesiwa pele ga porojeke e simolola kgotsa morago ga fao.
Tiro ya taolo:Mo maemong a fa tiro ya taolo e tlhotlheletsa-
Ditshwanelo kgotsa ditebelelo tse di ka fa molaong tsa motho mongwe le mongwe; kgotsa
Ditshwanelo tsa setšhaba Ditaelo tsa thulaganyo ya tiro tsamaiso e e siameng di beilwe bo ditlamelong tsa Molao wa Tlhatlhoso ya Botsamaisi jwa Bosiamisi, 2000 (Molao No. 3 wa 2000) go tla ikamaganngwa le ona (karolo 4 le 5 bogolo).
Maemo a tirelo ya badiredipuso: maemo a tirelo le ditiro tse dingwe tsa kopanelo ya dikgatlhego tsa badiredipuso di buisanelwa kwa dikhanseleng tsa ditherisano tse di dirilweng go ya ka dintlha tsa Molao wa Dikamano tsa Badiri, 1995 (Molao 66 wa 1995). Diunione tse di emetseng palo e e supilweng ya badiredipuso ba letlelewa go nna le seabe mo khanseleng ya ditherisano ya go nna jalo. Khansele ya kgokaganyo ya ditherisano ya bodiredipuso ke mokgatlho o gareng ga dilo tse dingwe maemo otlhe a tirelo a a amanang le badiredipuso a buisanelwang gone.Ke Maphata a a latelang a Khansele ya Ditherisano a a teng:
Lephata Kakaretso la Khansele ya Ditherisano ya Bodiredipuso
Khansele e e malebana le Thuto ya Dikamano tsa Badiri
Lephata la Khansele ya Ditherisano ya Boitekanelo jwa Setšhaba le Tlhokomelo
Lephata la Khansele ya Ditherisano la Polokego le Pabalesego
DIPAAKANYO TSE DI TENG TSA DITIRO KGOTSA TSA GO PALELWA GO DIRA
Dithulaganyo tse di latelang di teng fa batho ba batla go bega kgotsa go baakanya magatwe a go sa tlhamalala, ditiro tse di sa siamang kgotsa tse di seng ka fa molaong tsa semmuso kgotsa tlhokomologo ya DPSA kgotsa mongwe wa badiredi ba yona:
dithulaganyo tsa go bega kgotsa go baakanya:
i Dipaakanyo tsa ditiro kgotsa go tlhaela go dira ka dintlha tsa Molao wa Tlhabololo le Phitlhelelo ya Tshedimosetso: Taolo ya boikuelo ka fa gare ga lefapha go ya ka boitlhomo jwa molao o ke ya Tona ya Bodiredipuso le Taolo dikarolo 74-77. Fa go fetswa paakanyo ya boikuelo ka fa gare ga lefapha, kopo ya go dira boikuelo e ka diriwa le kgotlatshekelo dikarolo 78-82.
ii modiredipuso a ka tlhoma matshwenyego kgotsa ngongorego go tlhotlhomisiwa ke Khomišene ya Bodiredipuso malebana le tiro ya semmuso kgotsa tlhokomologo karolo 35 ya Molao wa Bodiredipuso, 1994.
iii Motho a ka dirisa dipaakanyo tsa tiro malebana le ditiro tsa semmuso kgotsa ditlhokomologo tse di amanang le tiro, tse di jaaka dikganetsano ya ditshwanelo Molao wa Bodiredipuso, 1994, le Molao wa Dikamano tsa Badiri, 1995;
Motho a ka tlhoma ngongorego kwa motlhatlhobing wa tiro malebana le magatwe mangwe le mangwe a go itlhokomolosa Molao wa Theo ya Maemo a Tiro wa 1997 Molao wa No. 75 wa 1997-karolo 78 1a, kgotsa Molao wa Tekatekano Tirong, 1998 Molao wa No. 55 wa 1998-karolo 34 e.
motho a ka tlhoma ngongorego le Mosireletsi wa Setšhaba malebana le pelaelo ya go se nne ka fa molaong kgotsa tiro ya mmuso e e sa siamang kgotsa tlhokomologo Molao wa Molaotheo le Mosireletsi wa Setšhaba, 1994 Molao wa No. 23 wa 1994.
Motho a ka tlhoma ngongorego kwa Khomišeneng ya Ditshwanelo tsa Batho ya Aforika Borwa malebana le tiro ya semmuso kgotsa tlhokomologo e go belaelwang e tlisa tshotlakako kgotsa e tshosetsa nngwe ya theo ya ditshwanelo Molao wa Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho, 1994 Molao wa No. 54 wa 1994.
vii fa o batla gore o sirelediwe mo boipusolosong gonne o senotse go seng ka fa molaong kgotsa go sa tlhamalala tebang le boitshwaro jwa mothapi kgotsa modirimmogo, motho yo o amegang o tshwanetse go latela dithulaganyo tsa tshenolo tse di mo Molaong wa Ditshenolo tse di Sireleditsweng, 2000 Molao No. 26 wa 2000.
viii Tiriso ya dipaakanyo tse dingwe tsa semolao tse di jaaka metheo ya ditsweletso tsa thadiso ya boatlhodi jwa tsamaiso ya tiro ka dintlha tsa Molao wa Tlhatloso ya Tsamaiso ya Bosiamisi wa 2000 Molao wa No. 3 wa 2000.
Dipaakanyo tse dingwe tse di thusang:
Motho a kopa mabaka a dikgato tsa botsamaisi go ya ka dintlha tsa Molao wa Tlhatlhoso Ya Tsamaiso ya Bosiamisi wa 2000 (karolo ya bo 5).
Motho a ka kopa phitlhelelo ya direkoto tsa lefapha la mmuso kgotsa tsa lefapha le lengwe la puso go ya ka dintlha tsa Molao wa Tlhatloso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso, 2000 (karolo ya bo 11).
Tshwanelo ya go bega:
Modiredipuso mo nakong ya gagwe ya go dira tiro ya gagwe ya semmuso, o patelesega go begela bothati jo bo maleba, tsietso, bobodu,go thapa ka losika, tsamaiso e e sa siamang le tiro nngwe e e kgopisang kgotsa e e nang le tlhaolo mo dikgatlegong tsa setshaba, go ya ka Molawana wa Boitshwaro wa Bodiredipuso. Modiri yo o sa ikamaganyeng le molawano o, o bonwa molato wa boitshwaro jo bo sa siamang. (Molwana B.3 le C.4 wa Kgaolo 2 ya Melawana ya Bodiredipuso wa 2001).
Maikarabelo a mothapi mongwe le mongwe le modiri go senola bosenyi kgotsa boitshwaro bongwe le bongwe jo bo sa tlhamalalang kwa tirong gape e thusa Molao wa Ditshenolo tse di Sireletsegileng wa 2000 (Bontlhanngwe jwa matseno a Molao).
