Ke mang yo o ka kopang thuso go ya ditšhelete ya DWAF?
Molemirui a ka tshwanela ke thuso ya ditšhelete ya DWAF mo mabakeng a tlhabololo ya metsi a temothuo fa fela molemirui e le:
moagi wa Aforika Borwa;
a tswa kwa setlhopheng sa lotso se mo nakong e e fetileng se neng se kgaphetswe kwa thoko; gape leloko la Mokgatlho wa Badirisi ba Metsi (WUA) kgotsa setheo sengwe le sengwe sa semolao se se dumeletsweng ke DWAF le go nna le lefatshe la temothuo kgotsa phitlhelelo ya lefatshe la temothuo ii tetla ya tiriso ya metsi, kwa ntle ga fela fao thuso ya madi a go fitlhelela tshwanelo ya metsi e tlhokaga lang; le iii ditlhokego tsa tlhabololo ya tiriso ya metsi mme a palelwa ke go fitlhelela
Madi mo lebakeng leo.
Dintlha tsa kgolaganyo tsa dikantoro tsa DWAF
MPUMALANGA
Go bona tshedimosetso go ya pele, ikgolaganye le kantoro ya gago ya selegae ya kgotsa dirisa websaete e: www.dwaf.gov.za
Thuso ya Ditšhelete go Balemirui ba ba Humanegileng mo Tirisong le Tlhabololo ya metsi a Temothuo
Goreng DWAF e neelana ka thuso go balemirui ba ba humanegileng?
Tona ya Merero ya Metsi le jalo ya Dikgwa e batla go netefatsa gore mongwe le mongwe o fitlhelela metsi a a lekaneng; gore manoso a rona a a sirelediwa, a a dirisiwa, a a tlhabololwa, a a somarelwa, a a tsamaisiwa le go laolwa ka mokgwa o o tswelelang le o o siameng; le gore metsi a abelwa gape go tsweletsa baagi ba mo nakong e e fetileng ba neng ba kgaphetswe kwa thoko.
Kwa ntle ga tlhabololo e e bonagalang mo dipopotheong tsa temothuo ya Aforika Borwa, go sa ntse go na le mekhino mo tlamelong le phitlhelelo ya dipopotheo tse bogolosegolo go balemirui ba nosetso. Ka ntlha ya lebaka le DWAF e na le lenaneo la tshegetso ya matlole leo le diretsweng go thusa balemirui ba ba humanegileng mo tirisong ya metsi a temothuo le tlhabololo.
Go ya ka Dikarolo 61 le 62 tsa Molao wa Bosetšhaba wa Metsi (NWA) (No. 36 wa 1998), Lefapha le tlhagisitse pholisi e e kgontshang thuso ya ditšhelete go balemirui ba ba nang le didirisiwa tse di bokoa, malebana le tlhabololo ya tiriso ya metsi a temothuo. Se se ya go netefatsa tlamelo ya metsi e e ikanyegang go lere tlhabololo ya leruri ya ikonomi le loago, go akaretswa phediso ya lehuma.
Ke thuso efe ya ditšhelete e e neelwang?
Thuso e ya ditšhelete e neelwa ka mokgwa wa kabelo kgotsa wa ketleetso.
Dintlha tse di latelang di le thataro tsa thuso ya ditšhelete di a neelwa:
Kabelo ya ditshenyegelo tsa madi mo dipopotheong tsa metsi a a neelwang ka bontsi
Dikabelo tse di jaana di neelwa go aga le/kgotsa go tlhabolola dipopotheo jaaka dikanale, mesela ya metsi, diteišene tsa dipompokgolo tsa metsi, matamo a mentsi a mantis, dintlha tsa kgelelo le didiriswa tsa taolo ya metsi. Dikabelo tse gape di akaretsa tirego ya thulaganyo (sekao. Go oketsega ga ditshenyegelo go tswa mo ditirelong tsa borerisanyi le botlhami), gammogo le ditshenyegelo tsa metheriale le didiriswa tsa ditirelo tsa metsi a mantsi
Ketleetso malebana le tiriso le tlhokomelo ya madutelo le mabapi le Taolo ya Manoso le ditšhatšhe tsa leuba
Dikema tsa Metsi tsa Puso tse di laolwang ke Lefapha la Merero ya Metsi le jalo ya Dikgwa (DWAF);
Dikema tsa Metsi tsa Puso tse di dirisiwang le go tlhokomelwa ke Mekgatlho ya Badirisi ba Metsi kgotsa ditheo tse dingwe tsa semolao tse di dumeletsweng; kgotsa
Mekgatlho e mengwe ya Badirisi ba Metsi kgotsa ditheo tsa semolao tse di dumeletsweng
Kabelo ya go reka dithata tsa metsi (ditshwanelo) mabapi le nosetso;
Dikabelo tseno di tla thusa balemi ba ba humanegileng go fitlhelela ditshwanelo tsa metsi go dirisetswa tiriso ya metsi a temothuo, le mo ditlhabololong tse dintšhwa le go atolosa tse di leng teng.
Dikabelo tsa dipatlisiso tsa kgonagalo ya tshiamo ya ikonomi-loago mo diporojekeng tsa tlhabololo ya tiriso ya metsi a temothuo;
Ketleetso ya katiso ya Dikomiti tsa Tsamaiso tsa Mekgatlho ya Badirisi ba Metsi kgotsa ditheo tse dingwe tsa semolao tse di dumeletsweng, malebana le:
tsamaiso e e siameng ya phasalatso ya metsi;
manaane a tiriso ya metsi le a tshomarelo; le/kgotsa tsamaiso ya ditšhelete, tlhabololo ya leano la kgwebo, dintlha tsa tekanyetsokabo le tsa semolao.
Dikabelo tsa metsi a pula a ditanka tsa kotulo go tlhagisa dijo tsa lelapa le ditiriso tse dingwe tsa tlhagiso tsa lelapa.
Dikerante tseno di ikaeletse go thusa malapa a a humanegileng a kwa magaeng go itlhagisetsa dijo tsa bone mo lelapeng go itlamela le go iphepa.
