3.1 Dikgato tsa poloto ya terama 
RantleRu: (O letsa mogala) Hallo! Ke Sajene? Ke nna Rantleru. Ke mo 6666 mmila wa Kgama. Ke fitlhetse setopo mo ntlong mme go lotletswe ka fa gare. Ke palelwa ke go rarabolola malepa a mmolai. Ke na le mong wa ntlo, mme le ena o tsene le nna fa ke sena go roba lebati. Tlayang lo re thuseng tsweetswee, Sajene. (O baya mogala fa fatshe. O kgwa mowa) Ga ke kgone go bona tshipi e e iteileng motho yo mo kgorikgoring. (Go utlwa la motho a itewa ke kgodisa, e bile a ntse a potla) Ke mang yoo? 
Boipelo: Ee. 
3.6Moipolai yo o sa lelelweng............... 95 
MMakgoMotso: O ne a go tshwantsheditse ka maemo a loapi a o ka se keng wa a tshabela gope. 
• Kgomotso o boela gae mme Phofu o a swa. 
2.4 Phika o kaya eng fa a re, “Seako, ntataalona?” (4) 
kgoMotso: (O a sunasunetsa) Di tlhabisa ditlhong mo go se nang bosekaseko mma. 
moterama o tlhagisa lemorago. 
sankatane: Mma ke rile o se ke wa atamela kwano. Ke tla e bolaya ke le esi fela. Nna ga ke rre e mo jeleng. Ke mosimane wa Sankatane. 
seleBaleng: (O a tshegatshega) Jaanong o a re o tsile go dira jang abuti Phofu? 
seleBaleng: Lebelela ka fensetere gore go tsena mang kwa hekeng. 
kgoMotso: (O ntse a lela) Ke eng ke tshwanetse go aga ke ledile jaana tota? 
kgoMotso: (O tlhakantse le selelo) Tota ga twe o mpogisetsang se se kanakana Phofu? 
phika: (O itumetse) Ka ga nna le Raditerekere. (O a tshegatshega) 
Ranko: Naare mosadi yo o kae? (Ka go bitsa) Mokgadi.. .! Mokgadi! 
Batho: Ga e tlhole e le kgosi ya rona. Ke wena kgosi. A a tsamaye! 
3.11 Moswinini o na le kitso yotlhe ya togamaano e. 
5.1 Dipotso tsa tlhamo.....................125 
kgoMotso: E seng jaana. 
lepodisi: Mma ke maswabi go go itsise fa monna wa gago Phofu a sa tlhole a tshela. 
(Go tlhaga terekere, e a ema, mme e ntse e duma) 
Boipelo: Mosadi wa dingwaga di le 25 
f. Moipolai yo o sa lelelweng = Temothuo 
seako: Ka ura ya bongwe, re ya rotlhe kwa lesakeng. 
MMalaBadi: Nka didimala jang go bolelwa ka tshimo ya me? Ruri ’tsatsi lengwe, tshimo ele e tla ntsenya ka lebitla. 
RantleRu: Ga ke re jaanong o a bona. Setopo! 
• Selebaleng o ne a re o tseela motho monna, o feletsa a latlhegetswe le ene e bile a le mo mathateng a go ima ngwana yo o se nang rraagwe. 
Mokgadi: Ke ne ke photha dinawa. Kgang ya gago e ka se eme, re tla e bona kgantele. 
• Mosadi a le mongwe fela, e leng Morwesi o ne a iphitlha mo khuting. 
1.5 Seesimane 
1.9 Mmui a re o bone jang gore Mmemme o ile? (2) 
Motswedi: A ko o ntshelele segalagala sa metlheng ke ikhaunye go le gonnye. Kana ke lapile e le tota. 
kediBone: (Ka go rapela le ka selelo) Kgosi! A re tsweng mo motseng ono, re tla dika re fedile rotlhe. Ka wena o le kgosi ya rona re goge o ye go re senkela lefelo le lešwa. 
Boipelo: Dumela rra. Ee, ga o a timela. 
BasiMane: Khutsepeee... 
Ya botlhano: “Mosese, Mosese, Mangole le Menwana”. Yo o logelang yo mongwe maano a bosula, go wela ena mo go ona. 
thipe: (Ka bogale) Tshepo, atamela kwano. Le tshameka ka rre Ntlhake? Ga le bone gore monnamogolo o ikgoletse? A re yeng koo ke tlile go le khuma matlalo ka setoropo... 
ntlhake: (Ka go tshoga) Ijo... o eng... o motho kgotsa o sepoko...? 
RantleRu: (O a mo kgaoletsa) Tlogela se o sa se itseng setopo se le fa pele ga rona! 
Potso 3 BA TLA NKITSE 
Motswedi: Go siame Boipelo. Nte ke tsamae. Go botoka batho ba se ka ba re bona re le babedi kgabetsakgabetsa, ba ka tloga ba belaela. Nkatle ratu. Sala sentle ratu. (Ba a atlana) 
MMakgoMotso: Modimo o itse ka fa o tla go sireletsang ka teng le go go phimola dikeledi Kgomotso ngwanaka. 
RakgoMotso: Kgomotso o nyetswe, o setse a na le batho ba ga bone... o fana ka sefane sa batho! 
phika: (O a goa) Mogolole Seako, a ke o tshware dipholo tsa gago, re buisane pila. 
ntlhake: (O a mo ngapa) Maragonyana a a sa utlweng a... ke batlile ke ngatega ka ntlha ya lona... 
RaditeRekeRe: (O a gakgamala) A o tlhorontshiwa ke legatlapanyana le go tweng Seako? 
kgoMotso: O bua fa nna ke tsile ke tabogetse khumo ya gagwe. 
• Morero wa tsona ke wa lerato 
RaditeRekeRe: (O a lela) Borra, Phika o ne a ntsieditse. Ga ke mo rate. Ke satane wa nnete. Tsweetswee, intshwareleng! 
MonnaMogolo: (O gakgametse) Ke eng? A ke ntse ke ro­betse? Fa e sale ke ipona ke ile go lwa le Kgodumodumo ele, mme ke tswa kae, ke... 
feke: Go tloga leng o nkoba fa o etetswe ke Mmemme! Le gone wena ga ke na sepe le... (O bona setopo. O a kua) Hei! Hei! Hei! Ke bonang? Bosalala, o bolaile Mmemme! 
1.1 Se se diragetseng morago ga loso lwa ga Ramarumo. 
ntlhake: Ba a nthoga, ba re ke Khutsepe. Khutsepe ke mang? Bua gape... (O a mo nota, Nakedi o a rapela) 
RantleRu: Jaanong yo o inotleletseng ka fa gare ke mang? A o lekile lebati le le kwa morago? 
(Go maitseboa a maitiso) 
6. Lenanefoko/Mareo/Tlelosari................. 133 
10. O dirile sentle. Motho ga a tshwanela go tshabela mathata. O tshwanetse go kampana le one go bona tharabololo.   
seleBaleng: Ke lotletse ratu... fela e kete o ne o ka nteta go se kae ke ye go apara botokanyana kwa lapeng? 
MMalaBadi (Ka go tenega): O se ke wa ntshosetsa monna. Ke tlile go go bolaisa diatla, fa nka tlhola ke utlwa o bua ka tshimo ya me. 
Ga ke bolo go fepa motho ka bojalwa ke mo reka gore a fitlhe diphiri tsa me. O ile Nnuku. Ke nna le Mmemme fela. (O emisa koloi) Ooyi, naare o setse a timile lebone le ena Mmemme bathong? O robetse ngwanyana wa me yo ke sa bolong go mo lomelediwa ke Nnuku. O emetse gore Salaboy a feta a re ko-ko-ko! gararo mo lebating, a be a bula. (O kokota gararo mo lebating a be a leta sebakanyana. A be a ipoeletsa gape. O buela kwa tlase ka go fela pelo) Khaamaan! Bula ka pele ke ise ke bonwe ke matlho a a fa a a ratang dilo a! Naare Mmemme o robetse jo bofe? A ka ya le boroko mo ntlong ya go ikutswa? (O leka lebati. Le a gana) Kana ke tla nnela go atlhama fa, kgotsa go riana motho o ile, o tlhagafaditswe ke bomaratahelele ba ba etsang Feke jaana! O ile Mmemme. Ke sale ke bona go timilwe lebone. Sis! Fa e le gore o sutlhile, go fedile ka nna le ena. (O ntsha dinotlolo) Nte ke lotlolole ka sa me ke tsene mo ntlong ke ithobalele. (O tsenya senotlolo, mme se gana go tsena) Heelang! Golo fa lebati le le notleletswe ka kwa gare. Go na le senotlolo mo go lona. (O leka lebati. Le gana gape) Mme le notletswe. Go raya gore Mmemme o teng mo ntlong mo. Jaanong o a reng a sa bule. Kgotsa... (O a siana) Kgotsa o butse le le ka fa morago. (O rutlarutla lebati la tshipi) Le lona le jelwe ka berebere. Motho o teng mo ntlong mo. Nte ke ye go kokota gape ka kwa pele. (O a kokota. O tshoganyediwa ke lentswe le lekima) 
Moswinini: Moratwe o lefufa malatsi a. Motlhaope o duma maemo a gago. 
3.1 Ba tla nkitse ka ES Lekalakala 1 
• Bogolo monna yo a ka mpa a tswa mo ntlong ya gagwe 1 x 15 = (15) 
3.12 - Gore Motswedi o ne a sa mo rate, o ne a mo dirisa. -Gore Moratwe ke ene tsala ya nnete. -Gore thuto e nnye e a bolaya. 
phika: Ka go saena tumelano ya gore a ntemele masimo. 
6. LENANEFOKO/MAREO/TLELOSARI 
tau: Tseo ga re di tsene rre Mathule. 
(Go kwa magaeng. Go utlwala melodi ya dinonyane, dikgogo le dikgomo. Go tlhaga sejanaga, fa se fitlha se a ema, lebati la sone le a bulwa morago le a tswalwa) 
sankatane: (O sa ntse a lela) Mma ke batla rre! Ke ile go bolaya Kgodumodumo eo ke ntshe rre! (Ka selelo) 
• Tau ya bofelo e bolailwe ke ene. 
RakgoMotso: Ke batla gore a nkarabe potso e ke e botsang... e seng e ke sa e letelang. A re mmogo? 
phika: (O tlhaeletsa lentswe) Rre Seako a ke o tswele kwano, re go letile. 
kediBone: (Ka selelo) Ijo... bona fela jaaka e metsa rre Mabinagotsholwa! Monnamogolo wa Modimo o sule! Re tla tshabela kae? Ijoo! 
sankatane: (O a sunetsa) Mma a ke yone e ntseng e gataka ka fa godimo ga khuti ka fa? 
ntlhake: (O a mo lesa) A o tla tlhola o ntshosa gape? 
MMaseako: E le gore bona go direga eng ka bona? 
Bosalala: Borra se golegeng mosadi wa me! Le paka ka eng gore o ne a le mo ntlong? A o ronwa ka go tshola senotlolo sa ntlo ya ga mogatse! 
tshepo: Ga a ise a re bolelele... 
MMaseako: (O simolola go tenega) Bolelela rraago Modise. 
ntlhake: (Ka go tenega) Khutsepe o makgakga wena ao. (Tidimalo) E bile ke batlile ke gakanega. (Ka matlhagatlhaga) Tau ya bofelo e e neng e le mo, e bolaiwe ke nna... 
thipe: Ga ke rate bana ba ba tshamekang ka bagolo... ga se molao... 
2.4 O kaya gore Seako o a ba laola, ba tsaya fela mo go ene. 
kgoMotso: Go nkoba ga a nkoba mma; ke paletswe ke go itshokela dikgobo le ditshego tsa mosetsana yole. 
3. Tharaano: Bothata bo golela pele. Go a raraana. 
Maikaelelo ka tshekatsheko e ke: 
seleBaleng: (O sala a lela botlhoko) Ijoo nna we... ke wa ga mang wee...! 
sajene: (O a mo kgaoletsa) Naare matsitla a ona ke a kwa kae a? O tsena jang mo dilong wena? 
MMakgoMotso: (O a mo gomotsa) Kgaotsa tlhe ngwanaka; kana selelo se oketsa kutlobotlhoko le one matshwenyego. 
feke: (O tsamaya a ntse a opela) Mosese wa gagwe, mangole le menwana mangole le menwana mangole le menwana. 
1.9. O bone fa lobone lo timile. 
Bosalala: Monna, tsamaya! Mapodisi a tloga a go fitlhela fa. Fa re batla thuso re tla e batla mo go bona. 
MMakgoMotso: E le gore go diragetseng se se kanakana? Hee! dilo tsa gompieno ruri... 
Boipelo: E buise ke utlwe gore ga twe go diragalang. 
ntlhake: (O hemela kwa godimo) Ruri ke batlile ke ngatega. A go na le metsi fa gaufi? 
Thaologo: Kgato ya poloto ya terama e mo go yona ditiragalo di tlosang lonao. 
MMakgoMotso: Se tlale pelo tlhe o nkitsise se se go tlhagetseng Kgomotso. 
ntlhake: Tlogela namane eo Tshepo. Gama Thokwana pele e setse e rokoditse. Atamela ka kgamelo eo monna Nakedi... 
nnuku: (O sisa pelo) Feke o nepile. Ke ne ke boa kwa ke neng ke ile teng mme fa ke kokota ka gakgamala fa ke bulelwa ke Mmemme. Ka palelwa ke go itshoka. Ka itisatisa nae. Ka bona sebaka sa go mo itaaganya le setofo ka kgorikgori. Ka mo tshwara ka memetso. Ke ne ke sa re ke a mmolaya. Nka bo ke ntse ke tshabile, fela ka utlwa batho kwa ntle. Ke tshabile gore ba ka mpona. Ke ne ke sa itse gore ke tla tswa jang. Ke ne ka iphitlha ka fa tlase ga bolao gore e re le tsena, ke sutlhe. Ke ne ke re ke tla boa ke tla go imakatsa le lona. Tota ke ne ke batla gore e nne wena o tshwarwang. (O a lela) 
Boipelo: Moswinini, nta re tlhokomele baeng. Re tla bua tsotlhe di fetile. 
Mokgadi: O nepile ngwanaka. Le gale monnamogolo o sa tswile. O fitlhela a tsamaya le motsana o a batla diphafana. Batho ba ba tsamaya thata e kete ba tlhotlhonyelwa ke legae. (Tau o a tshega) 
(Go utlwala selelo sa batho. Diruiwa tsa batho le tsona di a bokolela di leka go tshaba mme Kgodumodumo o di feleletsa tse tsotlhe. Kgosi e maketse, ga e tlhaloganye gore tota se se diragalang ke eng) 
ntlhake: (Ka go tshoga) O... o ntshosetsang ne, ga ke a go utlwa fa o tla... 
kgosi: Bagaetsho ke ne ke re... 
seako: Go tloga fa, gonne e ya kwa ureng ya bongwe, re ya kwa lesakeng. MmaModise, wena o itire yo o seporeiyang kgomo e ke tla bong ke le fa thoko ga yona. Modise... ! 
ntlhake: (Ka go supa fa a sa tshepe Nakedi) E se ke ya bo e le letlametlo gape phakela jaana?... Ke tla katela motho boloko jwa kgomo mo leganong... 
sankatane: (O araba mmaagwe) Mma o se ke wa atamela kwano, nna ke mosimane wa Sankatane ga e ka ke ya ntira sepe. Ke tla e bolaya ke ntshe rre! 
Bosalala: (A le esi) Le rona boBosalala ruri! Ke fano jaanong ke bona kotlhao ya go siana le boMmemme, basadi ba rona boNnuku ba ntse ba le teng. Kana fa a ka utlwa, Nnuku mogatsake, o tlile gore ke baakanyegile. O ngadile a tsamaya. A ntlhe nka bo ke emetse gore re tlhalane pele! Mmemme le ena o itlhophela loso lo lo ntsenyang mo tsietsing. Loso lo lo malepa lo lo ka golegang motho e se mmolai. E bile fa a ka bo a bolailwe ke nna, kgotsa go na le ditshupo tsa gore o ipolaile... ! Ke tlile go golegwa fela fa boRantleru ba ka palelwa ke go rarabolola malepa a polao e. (Rantleru o a mmitsa) 
phofu: Jaanong ba tla itse leng fa re tlhalana? 
MMalaBadi (Ka boikgantsho): Seako o botlhale, e bile o rata dilo tsa tlhamalalo. 
Modise: (Ka boitumelo) Gape dikgomo tsa etsho di a thula. Nna ke a itse. 
tshepo: O bona fa ke reng rremogolo? Nna ke didimetse ga ke re sepe. 
• Rraagwe basimanyana le ene o ne a tshogile. 
Ntlhodiela: go bakela mongwe leratla/modumo. 
tshepo: Itlhaganele rra. A re pelo e ka nna ya ema nako le nako... 
seako: Mogalammakapaa! E le gore ke kgopolo ya ga mang eo? 
nakedi: (Ka go tshega) O mo jesitse boloko rremogolo... 
kgoMotso: Ke setse ke ntse ke itemogetse mma. 
3.6.1 Boipelo: Mosadi yo o se nang lerato mo monneng wa gagwe. Ke sematla ka a tsiediwa bonolo ke lerato la nakwana. O rata madi bobe e bile ga a ikanyege ka a sa tlotle maikano a nyalo. 
lepodisi: Jaaka ke setse ke netefaditse gore ga a go nyala... 
ntlhake: (O lesa go opela, o a itshebela) A... ke eng seo... kana naga e ga e a robala. Ke tla dira jaaka e kete ke tla le mongwe. (O tlhatlosa lentswe) Itlhaganele, ke a go tlogela ao... 
Thitokgang ke kgankgolo e go buiwang ka yona mo terameng. E ka sobokanngwa ka mola o le mongwe, mme mola o o tlhalosa ditiragalo tsotlhe mo kanelong ya terama. Morero ke tsela e thitokgang e tsamaisiwang ka yona. O amane thata le thitokgang, mme o phutholola thitokgang jaaka e tlhagisitswe ke mokwadi. Merero ya diterama tsa rona e ka nna e e latelang: 
Monna: Borra, selelo sa Raditerekere re a se utlwa. Fela le ena, o dirile gore batho ba bantsi ba rekisetse Phika masimo, ka a ne a sa tlhole a na le maikaelelo a go ba lemela. 
phika: Jaanong molato ke eng? 
kgoMotso: (O a sunasunetsa) Mma, nna tse ke di bonang di tsitsibanya mmele e le ruri. 
ntlhake: (O mo tsena ganong) A re tau ya bofelo e bolailwe ke mang? 
nakedi: (Ka letshogo) Monna – ga ke itse, ntate o ile go re... 
tshepo: Ke go fe nama ya letlametlo rremogolo... 
Motswedi: (O bua a tshwenyegile) Mme fela leano la rona e nne khupamarama. A mmutla o se rothe madi ka gope. Golo fa re tshwere phage ka mangana. Fa re ka atlafala re tla phunyetsa pudungwana dintsi. Re tshwa­ netse go iphutha metlhala. 
Boipelo: (Ka go lela) Nka ya jang go mmona? Ga ke na yo o ka kgonang go nkisa teng. 
MMaseako: (O tsena ka dikopi tsa tee, go supa fa a hutsafetse) Ithuseng ka mogodungwana ke o borra. 
MMaseako: Ga twe’ina la gagwe ke mang? 
seako: Ga ke rekise tshimo, e bile go jala korong ga se maikemisetso a me. Ke rata dilo tsa tlhamalalo. 
(Go tlhagelela medumo ya dikoloi tse di kgabaganyang fa Kgomotso a le mo mmileng go leba kwa ga gagwe) 
seleBaleng: (O wetsa setshego) Hae! E-e. 
Konyakonya: Go kokota mo lebating. 
phika: (Ka bonolo) A balemikarona ga ba ise ba go begele sengwe? 
• Boipelo ga a dirisane mmogo le batsadi ba gagwe a re, o sa le mošwa. 
ntlhake: Ga go sa thusa sepe, pelo e e ka nne ya ema nako le nako... 
phika: A ke o fetoge le dinako tsala. Mo dintweng tsele tsa botlhabatsatsi, ba bolaile balemi ba bantsi ba korong. (Ka boikgantsho) 
seako: Ke mang yo a mo tlisitseng? 
kediBone: (Ka lenyatso) Lo ntse lo senya nako, mo fophe ka khiba setlaela se, a ga lo mo apese mosese e nne mosadi? 
ntlhake: (Ka go tshega) Ke mašwi... 
MMakgoMotso: Bathong! A o kile wa ya go mo kopa gore a go nyale? 
Mokganatiro/molwantshi: Modiragatsimogolo yo o bakang ntwa/ yo o tshwenyang. 
ntlhake: Ka re le tšhwatle monna... 
Boipelo: Ke go tlhalogantse sentle rre Mathule. Wena o tla siamisa dipampiri tsotlhe jaaka o laetswe. 
Mokgadi: (O arabela kwa morago) Ke fano rraabo. A o na le kgang? 
Bafokeng! O le sekopa sa kgosi! 
kediBone: (Ka letshogo) Rremogolo! Modumo o ntse o gola tlhe, a re potlakeng, pele selo seno se tla go re bolaela mono. A re lateleng kgosi!
phofu: Go siame ratu dinotlolo tsa ntlo o ka di tshola mo go wena. 
lepodisi: Tseo ga se mathata a me... e bile ke tloga ke go okeletsa ka dimpama gone jaanong. 
3.1 Motswedi 
phika (Ka bogale): Gona o batla go nthaya 
4. Ditsala di ne di tla mo ja ditshego. Mmatsalagwe o ne a tla mo kgoba ka mafoko. 
3.3Khutsepe............................ 43 
Monna: Go tloga gompieno, a itse gore ga re sa tlhoka diterekere tsa gagwe. 
RantleRu: O itse sentle gore mosadi o gana go go bulela, monna. Tsamaya o ye go robala kwa o tswang teng. 
MoRwesi: (Ka letshogo) Ke sepoko! Ke tla dira eng jaanong? Sa re ke boe mme ke batla go swa le ngwanake, ke swe le batho botlhe ke ye kwa go ngwanake le monna wa me ga mmogo le batho botlhe ba ba feletseng teng. 
MMaseako: Le gale re tla bona kwa mmu wa sekara o tla welang teng. 
lepodisi: Dumela mma. 
Modise: Ba kgaotse terata ya tshimo ya etsho. 
lentswe: Ke nna Phoka! Rraagwe dikgosi le dikgosana tsotlhe tsa Phokeng tsa bogologolo, ga o ka ke wa mpona, le gona ga o ka ke wa nkitse. Fela ka re boa koo! 
Setlhakanatlhogo: Motho yo a dirang ditiro tse di sa solofelwang ke batho ba bangwe. 
seleBaleng: (O gakgametse le go ipotsa) Go a gakgamatsa nako e abuti Phofu a ise a goroge go tswa go tshela peterole. E le gore o tshwerwe ke eng? Ga ke bolo go ipaakanya le go leta. (Go utlwala mokokoto o o matlhagatlhaga mo setswalong) 
Monna: Ba ntaetse go tla go tsaya madi a tshimo pele ga ura ya bongwe, ke bo ke tswe ka motse. 
• Ke ka se mo letle gore a bee lonao mo teng ga ntlo ya me. 
Ranko: (Ka selelo) Boipelo ngwanaka, re utlwile tsotlhe. Ke maswabi e bile ke hutsafetse go go itsise gore mmaago o robetse. O bolailwe ke pelo mo mosong ono. 
Modise: (O a tshoga) Mama. 
kgoMotso: (O tlhakantse le selelo) A rre o raya gore o ntatlhela mo magaleng ke ntse ke re ke a tshabetse mo go ene tota... 
MMakgoMotso: Tota fa o garumela ngwana jaana, o a re a go arabe jang? 
5. MEMORANTAMO 
kgoMotso: Hee! O kae rre e bile ke lebala go botsa ka ga ene jaana? 
phofu: O tsene ka phoso... mo tlele seipone a ipone. 
1.11. Selomang. 
Mokgadi: (Ka go tshwenyega) Mogatsaka Ranko, ditiro tsa ga Boipelo ke tsa motho a loilwe. Ruri nna di ntshwenya mogopolo. Bona jaaka ke fela. Ke setse ke le letlhokwana fela la mosadimogolo. 
seako: (O felelwa ke mowa) Ga ke dumele. Rona balemi ba mmopo, re fetoga ba korong ka motsotswana? 
1.2 BO TLA SA JANG? (A moithuti o kgona go lemoga go siama / go sa siamang ga ditshwetso tsa badiragatsi bangwe?). Ntsha maikutlo a gago ka dintlha di le sometlhano (15) ka ga tshwetso ya ga Kgomotso mabapi le mathata a gagwe. A o itirela molemo? A mabaka a gagwe a a utlwala? Wena o ne o ka dira eng fa o le Kgomotso? 1 x 15 = 15  
RantleRu: Sajene. 
thipe: Fa e le thato ya gago eo rremogolo, go siame. O tla nna le rona ka mo o ratang ka gona... 
Boipelo: Motswedi moratiwa ga o tlhaloganye. Go tloga fa ga go thuse sepe. Nka se kgone go go tsaya jaaka monna wa me. Go tla raya gore molao o itse. Fa re reka ntlo koo, Mathule o tla tshwanela ke go itse. Fa molao o itse, Mathule a itse, re latlhegelwa ke leruo lotlhe. Le gona batho ba inšorense ga ba ise ba duele. Madi a ke a dirisang ke a ke a neelwang ke banka ka tetla ya ga Mathule. 
Ranko: Ngwanaka, leka go tlotla moswi Ramarumo. Ga a na lobaka a tlhokafetse. Bona jaaka o ntse jaanong. O setse o 12 apotse bontsho. Go reng ngwanaka? 
feke: O kaiwa e le letagwa, mme o kgona go rarabolola kgetsi ya polao 
tshepo: Letlametlo... ke le tshwaretse au Khutsepe ka fa molapong fa ke ne ke ile go thiba dikgomo... 
MAITEMOGELO A GO RUTA 
kgoMotso: Ke ne ke gopotse gore nyalo e, e tsile go fetola botshelo jwa... jwa me le gone go bo tokafatsa mma. (O a sunasunetsa) 
phofu: Ga ke go tshwae phoso thata. Ke itse se se go lerileng fa. 
(Kwa ga Phofu phirimane - Phofu o iketlile le Selebaleng) 
MMakgoMotso: Mo neye sebaka a tlhalose tlhe... 
Boipelo: (Ka makgakga) Wena Moswinini o itshwenya ka Moratwe. Dithuto tse tsa bona ga di ba rute sepe. Motho wa teng o setse dilo tsa bogologolo morago. Fa o ka mmotsa gore go reng go aparwa bontsho, o tla go raya a re ke kutlobotlhoko. Nnyaya, nna ga ke dumele. (Boipelo le Moswinini ba a tshega) 
MMalaBadi: Re a leboga. 
Bosalala: O ne o le soomamang wena? Le nna ke tloga ke go okeletsa. (O a mo phantsha) 
MMakgoMotso: Jaaka Mmopi e le ene fela a itseng go fetola maemo a loapi, le a botshelo o kgona go a fetola ngwanaka fa o kopa thuso mo go ene. 
MMalaBadi: Ga a fetsa ka go re ke go ikantse fela.? (O bua o ka re o hutsafetse) O rile ’tsatsi lengwe bomatla ba me, bo tla mpaya mo bohutsaneng. 
ntlhake: (O a mo nota) Khutsepe ke mang... mh... ka re ke mang...? 
lentswe: (Ka iketlo) Ke nna kgosikgolo ya lona Bafokeng ba ga Motlatla. Ke nna ke dirileng gore mosadi yono Morwesi a sale, a tie a tshole mosimane yono wa Sanka­tane gore a tie a lo golole mo diatleng tsa kgosi e e neng e lo patika, lo ntšhwafale. Mme ke ene kgosi ya lona. Ke yone kgosi ya me e ntšhwa e ke lo e tlhophetseng. (Go betsa logadima gape) 
Mokgadi: Wena o mang ngwanaka? 
(Go nako ya maitiso. Ba ga Seako ba tsere dikgang ka se se diragetseng) 
Boipelo: O raya jang? 
Buisa tsela e e latelang ya tshekatsheko gore o tle o tlhaloganye diteng tsa terama e. 
Modise: Le nna mama, ke mo goditse. A ga go a nna jalo mama? 
ntlhake: Letshoroma banaka, mmele otlhe o o a roromela. 
seako: (O a bitsa) Mmalabadi! (Tidimalo) A ke o bue, tsala ya ka e e rategang. O bolailwe ke mang? (Tidimalo) Ga twe o bolailwe ke bomang? 
MMakgoMotso: (Ka kgakgamalo) O a re wa ga Phofu? 
Moswinini: (Ka go nyatsa) Wena Moratwe o tshwenngwa ke dithuto tsa gago. Nna ga ke batle batho ba re ke fufegela dithuto tsa gago. O rutegile, o montle, mme ga o bue jaaka setlhalefi. 
thipe: Fa ke re o godile, o tshwanetse wa ya go ikhutsa kwa gae... 
tshepo: (Ka go tshega) Ga e tshwenye o tla gola ka yona rremogolo... 
sankatane: (O bua a le esi, o a seba) Mme o thulametse, nte ke simolole go lootsa tshipi e ya me e. Ga nka ke ka dumela gore Kgodumodumo e bolaye rre nna ke sale le mme fela re le babedi, bona fela jaaka a sotlega. Ke tla lootsa tshipi eno ke e dire bogale jaaka thipa, mme e nne motswi jaaka lemao. Fa ke feditse, ke tla ngwega mme a sa robetse ke ye go e tlhaba ke e bolaye. Ke tshwanetse gore ke bone rre pele bosigo bo sa. Ke tle ke utlwe mme fa a mpoka a re “Ke Sankatane mosimane wa phoka wa ga Mmaphalanyana a Motlatla matodi magana letsholo fa ba ja ga ba gadimane ke magadimana ntweng.” (O simolola go lela) 
kgosi: (Ka letshogo) Ke eng! Lo ntshosetsang? 
seako: O kobile batho ba ba neng ba kotula... Ke mang ene yoo? 
Nagana ka madi a mantsintsi a re yang go a bona. Diketekete. 
RakgoMotso: E le gore fa e kete ke nako tsa go tlhatlega dipitsana jaana, wa gago monna o apeetswe ke mang? 
Monna: (Ka bonako) Mogatso o kae? 
tshepo: Itšhuu... ke tla le bolaya jang o ntshokolotsa lebogo... 
tau: (Ka kutlobotlhoko) Nkoko le wena o ka nthusa, ke makgabe a dipapetla. Ke tla jaana ka pego. Boipelo o tshwerwe. 
ntlhake: Ke tlile go itoma monwana ka nama ya koko... nka se tlhole ke go jesa boloko ba kgomo. (Ka go supa fa a sa tshepe basimane) Nte ke bone. Monna, ntlhang go a kunyakunya...? 
kgoMotso: (O rata go lela) Ee mma, o ratana le Phofu. (O a lela) 
seako: (O bua o ka re o lapile) Ke a imelwa mogatsaka. Balemi botlhe fa ba tshwenngwa ke Phika, le fa e le ka selo se sennyane, ba lelela mo go nna. (Go konyakonya motho mo lebating) 
ntlhake: (Ka lentswe le le teteselang) Ke a bobola banaka, nka se ye go gama le lona. 
MMaseako: Ke a tshepa gore ga o ise o lebale gore o ntsholofeditse eng. 
• Mmaagwe Boipelo, Mokgadi o jewa ke pelo ya ditiro tsa ga Boipelo. O setse a bopame. 
ntlhake: (Ka bonako) Ijo... pelo e a ema... Tabogang le ye go bitsa rraalona. 
b. Kgotlhang/Bothata Kgotlhang/Bothata ke ntwa kgotsa ngangisano e e nnang teng fa gare ga badiragatsi. Kgotlhang e mela mo morerong. 
MMaseako: Kana o tlhokomele gore botshelo ba gago bo mo kotsing. 
MMaseako: A o batla go re isa kgolegong? 
RaditeRekeRe: (O hutsafetse) Molato wame ke eng morena? A diterekere tsa me ga di go kgotsofatse? 
Boipelo: A re re ka se kgone go nyalana. Ramarumo o fetotse tshupaboswa ya gagwe pele a tlhokafala. 
seako: O ba ikutlwetse. (Ba a phatlalala) 
MaBinagotsholwa: Lo a re nna nka dira eng? A ke kgosi? 
(Ramarumo o ne a tlhokafala kwa kokelong. Morago ga phitlho Boipelo o ile a ya go bona Mathule kwa kantorong ya gagwe) 
Ya borataro: “Moipolai yo o sa lelelweng”. Bopodi ba kgonwa ke ba ba dinaka. 
ntlhake: (Ka boitumelo) A le le bolaile? 
8. Go ya dijong le Selebaleng kwa hoteleng. 
sajene: Rantleru, kopela Bosalala le mosadi yo. Ba tla bua kwa pele. 
lepodisi: Ke lebogetse dinotlolo tsa motho mma... fa o ne o dumalana le Phofu ke ne ke se yo... 
ntlhake: (O mo nota gape) O ka se tlhole o dirang... ke tla go ja ping ka dinala, ditsebe tse... ga di utlwe... setlhong sele se kae ke go ngwae maragwana a a sa utlweng a... 
seako: (O galefile) O kgaoletseng terata ya me monna? O kobetseng badiredi ba me? 
(Basimane ba kwa nageng ba disitse dikgomo, go utlwala fale le fale kgomo le molodi wa dinonyane) 
Boipelo: Lefufa ga le thuse. 
seako: (O tshega setshego sa boitumelo) Go a itumedisa mosong ono rre Phika. (Ba tshega mmogo) Monongwaga e ka re re tla kotula fa go tlalang seatla. 
Bosalala: Monna wa lelapa 
Boipelo: (Ka go tshwenyega) Molato e le eng rra? 
MoRwesi: (Ka bosilo) O lelela eng? Tabogela kwano ka bonako Kgodumodumo e etla. Mpolelele gore o lelela eng? Molato ke eng? 
MMalaBadi: Ga go jalo rre Seako? Borre ba, le bona ba ka paka. Rre Phika o ne a bua jaaka motho yo o tshikhinyang fa re ka kopanya masimo mme ra lema korong. Fela, ga re a dira tshwetso epe nae. 
Mokgadi: Nnyaya Ranko, mo itshwarele jaaka mosimane wa lesutlha a kile a itshwarelwa. Phoso e dirwa ke motho. 
sankatane: Tidimalo bomma le borra! A lo bona phologolo e e robetseng fa e? 
• Thaego: Mogapatiro o bega bothata ba gagwe. 
tshepo: Thoo-thoo... 
Batho: (Ka boitumelo) Gola kgosi ya rona! Gola mosimane wa Sankatane. Gola Phoka o re buse! Pula! Phoka! 
Mokgadi: (Ka letshogo) O tshwerwe? Jang? O dirile eng? 
1.11 Kwala lefoko “sssoomamang” ka botlalo. (2) 
RantleRu: Ke lepodisi 
Badiragatsi/batshameki: mo ditiragalong tsa terama. 
(Go utlwala medumo ya kwa magaeng) 
Potso 4 
tau: Nnyaya, ke gore o ntshoganyeditse. Le tsoga jang? 
Setlhoa: Kgato ya poloto ya terama e mo go yona badiragatsi ba laolwang ke maikutlo/Tshisibalo. 
• Terama e na le diponagalo tse di latelang: 
sankatane: (Ka go rapela) Borra le bomma, reetsang kgosi ya lona e bua le lona. 
seako: Mmaago Modise, ke batla o ntlhaloganye sentle. Lefatshe leno ke a le rata. Go feta foo, gore ke fuduge mono, ke gona fa ke kgaogane le temo. 
ntlhake: Tshwara o je gape... (O a tshega) 
RakgoMotso: (Mongwe o a konyakonya) Kotikoti... 
Tharabololo: Kgato ya poloto ya terama e mo go yona ditiragalo e leng tse di rarabololang kgotlhang. 
sankatane: Mma! (Tidimalo) Kgodumodumo eno ke eng? A ke motho yo o tshwanang le nna kgotsa a ke kgomo? 
ntlhake: (Ka boitumelo) Ke lebogile basimane ba me. Maitseboa le tleng go itisa le nna re tle re beseng dikgaka. Ke tsogile ke tshwere tse pedi... 
kediBone: (Ka lenyatso le ka selelo) Hee kgosi ke wena! Fa o ntse o boela kwa morago jaana o ire jang? Tsamaya o ye go bolaya selo sele! 
tshepo: Se senye sebaka rra, a re ye go mmona. 
RantleRu: Tswaya ka tsona monna. 
thipe: Le wena ke wena o ba senyang... 
lepodisi: Gomotsega tlhe ngwana wa batho... 
Modise: (Ka boikgantsho) Mama, gape wena ga o nkitse pila. A mama a mphe sethunya sa ntate, ke mo supetse gore nka se fose ntate Phika. 
Mathule: Fela jaaka ke setse ke kaile, go tshwanetse ga nna le dipatlisiso pele o ka bona kabo ya madi. Gape o itse gore fa o ka tlola taelo ya ga moswi Ramarumo, o tla latlhegelwa ke madi otlhe. 
sankatane: Mma fa e le phologolo e tona jaana e ka tsena jang mo khuting e nnyennyane jaana? 
tshepo: Ga ke re ke wena o reng fa o ne o le lekolwane o ne o ipitsa Khutsepe. 
ntlhake: Ke Monnamogolo, o tsamaya a gogagoga maoto 
sankatane: Mma ke dira lerumo, ke batla gore ke ye go tsoma ka lone, ke tle ke go bolaele mmutla. 
Mathule: Ke maswabi fa go le jalo. 
MoRwesi: Bomma le borra ke ne ke... 
MMaseako: Modise tsamaya o ye go ikhutsa ngwanaka. O tsogile o thothile dikgetse tse di bokete tsa mmopo. 
RantleRu: Ga a ye gope. Gongwe ke ena mmolai. 
MMalaBadi: O file banna ba ba lesome ba masimo a ka kwa morago ga ya gagwe tšhelete, e bile ba fudugile ka ona motsotso o. 
Boipelo: A o tshotse tshupaboswa eo fa? 
seako: Monna, molemirui 
Mokgadi: Dumela ngwanaka. Setulo ke seo. 
• Ga ba a ka ba tsaya mafoko a mmegi tsia mme ba ne ba simolola go otlhaiwa. 
seleBaleng: Ga ke a utlwa o re o ne o rata go ka 
kgoMotso: (O a sunasunetsa) Ee mma... 
• Go lemosa baithuti botlhokwa jwa maduo a a abelwang dipotso mabapi le tekanyetso ya boleele jwa dikarabo gore palo ya maduo le boleele jwa karabo di tsamaisane. 
Motswedi: Lekau la ga Boipelo, ke senokwane 
Ranko: (Ka go gatelela) Boipelo ngwanaka, nna le mmaago re tlile mo go wena go go tlhaba podi matseba ka maitsholo a mosadi a tshwana le wena jaana. Se re tla se buang ngwanaka, re setse re se buile. Re utlwa botlhoko thata go utlwa dikgang di fofa le mowa jaana gore o setse o nwa e bile o iponetse segatamarukgwana se se tlholang fa le wena. 
tau: Ke a leboga.. . Le tsoga jang mosadimogolo? 
Boipelo: (Ka bonako, le ka letshogo) O a re go diragetse eng gore a bone kotsi? 
tau: (Ka kutlobotlhoko) O tshwaretswe polao. Fa re ntse re dira dipatlisiso, re fitlhetse bopaki jwa gore ngwana wa gago ke mmolai wa ga Ramarumo. 
1.2 O folosiwa mo go eng? (2) 
phika: (O a gatelela) A ke o se nnyemise moko. Kana monna ke monna banneng. O se ke wa ithata o le esi. 
RantleRu: Bosalala, gore ke mogoloo kgotsa gore motho yo ke eng sa gago, ga go nthibele go diragatsa maikarabelo a me mo mabakeng a a ntseng jaana. Motho yo, o na le beng, mme ba tlile go batla go itse gore o swela jang mo ntlong ya gago. Ba tlile go batla go itse gore nna ke le lepodisi, ke dirileng. Kgotsa o ne o batla gore ke nnele go bokolela jaaka wena? 
kediBone: (Ka letshogo) Nnaare motho yo o buang le rona jaana mme re sa mmone, ke mang, gona o fa kae? 
MoRatwe: Mosadi wa dingwaga di le 25, o bonolo 
Mathule: Nnyaya, ke ne ke re lo ele tlhoko. Tshwetso ya lona ke e kgolo mo kgetseng e. Nka tla ka leofa fa nka se tshegetse keletso ya ga Ramarumo. Selo sengwe morwaarra, itse fa ke direla Ramarumo le fa e bile... 
• Motswedi o iphitlha mo kamoreng fa ba goroga. 
tshepo: Ke tlile go go bitsa Khutsepe ga... (Ntlhake o mo konopa gape) 
ntlhake: Kana wena e bile ga ke a go fafadia ka setlhong maabane... nka se somola, e re otšhe... 
3.11 A, o akanya gore Boipelo le Motswedi ke bone fela ba neng ba itse ka togamaano ya loso lwa ga Ramarumo? (2) 
(Go bosigo, go tlhaga sejanaga, sa ema mme lebati la sone le a bulega) 
sankatane: Didimala mma, didimala! Ke tla e direla leano. Ke tla feletsa ke e bolaile le yone jaaka e bolaile rre. 
MMakgoMotso: Ao Rakgomotso... 
Motswedi: (Ka go gomotsa) Iketle Boipelo. Ke ganane le leano leo la gago. Ke nnete, mabaka a a jaana a tshosa e le ruri mme ka ke go rata, ke batla go go golola mo go Ramarumo. Ka jalo maikemisetso a me mo tirong e, ke a gago. Ke tla dira maikemisetso le maikano a rona. 
seleBaleng: (O lela botlhoko) O ne a tshwa... tshwanetse go nnyala. (O tswelela ka selelo) 
MMakgoMotso: Tota ga twe o motho wa mofuta mang wena he? 
thipe: Ke rile le ye go gama, le batlang fa? 
Morero/thitokgang: Modi wa kgang. 
ntlhake: A kgaka eo ga e ise e butswe? E fetole. 
killeR: (O bua ka koafalo) Di tloseng. Di nthobakanya dikgopo, tlheng ... 
Mokgadi: (Ka go rapela) Ngwanaka nkutlwelele ke a go kopa. Kana re tshwanetse ra go kgopolola fa o fosa. Fa re go tlogela re tla bo re leofela Rramasedi. 
• Fa e le nna nka ntsha mosetsana yo mo ntlong ya me. 
6. • O makgakga ka a ipuela jaaka a rata mo mosading wa motho. 
Motswedi: Tlogela ditshele Boipelo. Ke ga kae ke go bolelela gore o se bue jalo? 
DIKWALO TSE A DI RANOTSENG 
seako: Mogatsaka, o se ke wa lebala. Ke batla seporei seo se felela ka mo matlhong a bona. 
MoRwesi: E ka tla ya re bolaya ngwanaka. 
seleBaleng: A Phofu o go romile kwano rre wa lepodisi? 
d. Molaetsa Molaetsa ke thuto e moterama a batlang go e naya babuisi. Ona o senoga kwa bokhutlong jwa ditiragalo, go ya fela ka tsela e kgotlhang e rarabololwang ka yona. Le fa re ka se dumalane le ene gona ene o a bo a rialo. 
ntlhake: (Ka bogale) Le sa ntse le boeletse le... (O tshwara Nakedi) Ke go tshwere, o ka se tšhwemole... 
Mokgadi: Bua mme ke reeditse. 
Mokgadi: Re tsogile Boipelo. Re botsa wena matso­go. 
MMakgoMotso: Go jalo Kgomotso ngwanaka; se malomaago a neng a go botsa sone fa a ne a re bo tla sa jang... 
3.3 Khutsepe ka EJ Sekati 43 
Boipelo: Ke tla go leletsa mogala fa ke go tlhoka. Ke ne ke rata go ya go ikhutsa. 
• Go tlhalosa setlhogo, gore ka tlhaloso fela baithuti ba kgone go nna le ponelopele ka ga diterama tsa radio tse di yang go sekasekwa. 
1.1 BA TLA NKITSE Tlhalosa ka dintlha di le someamabedi (20) se se diragetseng morago ga loso lwa ga Ramarumo. 1 x 20 = 20 
seleBaleng: (O ntse a lela) Ka dinotlolo ga ke gane ke tse... fe... fela ke ne ke botsa gore ke dire jang ka ngwana yo o tla tsholwang? 
1.13 Ke mang yo o ntseng a fepiwa ka bojalwa? (2) 
MMakgoMotso: Hm! Ga ke itse gore o a bo a tsile go e amogela jang ruri e le setlhakanatlhogo sa motho le ene... 
RantleRu: Ga ke go botse ke a go bolelela. E seng jalo o tla tlhalosa gore o lotleletswe ke sepoko sefe kwa ntle. Tshaba ke robe lebati le. (Bosalala o leka go mo rapela. O mo kgaoletsa ka bogale) Tshaba! (O roba lebati) Ke tla ke siane ke bona motho fa lebating la gago ke ithaya ke re o a senyediwa. Ka re ke a go thusa o... 
Dipotso tsa ditlhamo 
• E ne e re fa e rora lefatshe le rorome. 
MMakgoMotso: A kaya fa a mangwe malatsi a tlhaba ka mogote o o ntshang tlhapi mo metsing, kana ka diphefo le dirame... 
5. Ka a ne a akanya gore Kgomotso o tla ngalela ruri a se boe. Kgomotso o ne a tla latlhegelwa ke kgetse bonolo ka a ne a sa kobiwa ke mogatse e bile a sa bediwa/itewa. 
ntlhake: (O ngadile) Ntlhang o ka re lo a ntsheba? Ke tla ntsha setlhong gona jaanong. Nakedi ke eng? 
phofu: (O a tshegatshega) Ke go reile ka re seo ga se kitla se ntsaya le fa e le sebaka sa kgwedi. Nna ke a itse gore ke tla dira jang. 
(Go bosigo. Mo gare ga bosigo go utlwala lentswe le lekima le goeletsa kwa godimo) 
tau: Mathata ga a teng. Ke botsa wena! 
kgoMotso: Ke sone se se nkemisang tlhogo seo... 
MMakgoMotso: (Ka bogale) O lenyatso jang ... ! O tsenya basetsana mo ntlong o ntse o le teng? 
Bosalala: (Ka bogale) Monna, fologa o tsamae. Ke se tlhole ke go bona. (O thubaganya lebati la koloi, o a e dumisa, o a tsamaya. O bua a le esi) Nnuku, Nnuku! Nnuku e ne e le sssoomamang! Rona re itse boMmemme. 
kedisaletse: Nnyaya rra re ne re re o re tsamaise tsela re ye go kopa kgosi gore e re senkele lefelo le lengwe re se ke ra swela mono. (Lentswe le sa ntse le utlwala) 
seleBaleng: (O ntse a lela) Jaanong ngwana wa gagwe o ya go tlamelwa ke mang ka a nkimisitse? 
3.9 Kabo ya dithoto e ne e sa phatsime jaaka fa e lebelelwa mo dipampiring. Go ne go le sekgwagenyana se se neng se tla kgoreletsa Boipelo go itumelela boswa jaaka a ne a akantse. Sekgwagenyana se ke eng? (2) 
• Motswedi o atlhotswe dingwaga di le lesome, Boipelo di le tharo. 1 x 20 = [20] 
Boipelo: Ee, Mathule. O ne a ile go nthadisetsa ka ga kabo ya boswa. Ke itsholela go nna magalamasuge mo tirong e. Nko go se dupe. O a itse gore a reng? 
• Tharabololo: Ditiragalo tsotlhe di lebisa kwa tharabololong ya kgotlhang. 
Mokgadi: (Ka go rapedisa) Ngwanaka, re utlwelele. Re batsadi ba gago. Ga re batle o tsena mo mathateng re le teng. 
phika: (O galefile) Ke lwa le go kgomagantsha masimo gore diterekere tsa gago di bone tiro e e ka go phedisang, fela wena ga o nthuse. Batho ba bangwe ba setse ba batla le go mpolaya mme ke tlhoka mothusi. (Go tlhaga sejanaga mme se a ema) 
Ranko: (Ba tsena ka lebati) Dumela Boipelo ngwanaka. 
Mokgadi: (Ka go kgalemela) Boipelo ngwanaka, o tsamaya tsela ya lefifi. Mosadi ga a dire jalo. 
2.3 Kwala dipolelo tse di latelang ka mafoko a gago: “Ke tlile go go bolaisa diatla” (4) “O tsile go le wetsa ka lengope” (4) “Ntswele ka kgoro!” (4) 
MoRwesi: Ngwanaka, batho ke dilo tse di tshwanang jaaka nna le wena. 
o re ke lesilo e bile ke senokwane? Ntswele ka kgoro! Tsamaya! Tsamaya kwa ga Seako ntataalona…! 
seleBaleng: O ntse o akantse le foo... 
Bosalala: Oohoo! 
sankatane: Mma ka re ke batla rre! A re ye go mo ntsha kwa Kgodumodumong ele? 
Bosalala: Rantleru, ke a itse gore o lepodisi. Ke a itse gore o a mphenya. Ke itse gape gore o mogolole. Se ke sa se itseng... 
MMaseako: Ke mogatsa Seako 
seako: Golo fa, o ka re o tsile ka maikemisetso. 
lepodisi: Tota ga ke itse gore o tsile go e tsaya jang kgang e... 
• Boipelo o a lela o kopa maitshwarelo. 
2.8 Fa go twe Seako o “botlhale”, “o rata dilo tsa tlhamalalo” 
Ke batsadi ba me, tlosa dino tseo o be o iphitlhe Motswedi. Tsena kwa phaposing ya me. Dira ka bonako! (Go kokota mongwe) Tsena! 
• Moratwe o utlwile Boipelo le Motswedi ba bolela ka fa ba bolaileng Ramarumo ka teng. 
tau: Ke tlile mabapi le ena Ramarumo. (O bua ka pelo e e botlhoko) Mma, ke Sajene Tau wa matseka a Hammanskraal. Ke tla jaana ka dikgang tse di bosula e le tota. Rre Ramarumo o bone kotsi ya sejanaga kwa Klipdrift. Tota o gobetse mo go sa jeseng diwelang. O setse a rometswe kwa kokelong. 
Monna: Nna le banna ba ke neng ke na nabo, re rile ga re tsamaye fa Seako a sa tsamaye. 
(Go motshegare, go ema sejanaga kwa ntle, Boipelo o gakgametse gore e ka be e le mang?) 
MoRwesi: (Ka letshogo) O mang? Ke utlwa eng? Ke ntse ke re ke nna fela ke setseng mo lefatsheng leno? Jaanong wa bobedi o tlhaga kae? O mang wena o mpitsang ke sa go bone? O fa kae? 
nakedi: Ga go kunyakunye sepe rremogolo. Ke mpho ya gago. Ga ke re ke letsatsi la gago la matsalo gompieno? 
phofu: Boa! Boa koo! O tswa go tsaya ditlhare kwa o tswang go di tsaya teng o tsile go di tshasa mo phaposing ya me! 
RaditeRekeRe: (O hutsafetse) Seako a o ke o nthapelele mo banneng ba. 
MMakgoMotso: O ne a go tiisetsa gore o ithute go itshoka ngwanaka. 
seako: (Ka go gatelela) Go tloga gompieno monna, o se ke wa tlhola o arabisanya le ope. Le fa a ka go kgopisa jang, o nne o itidimalele. 
sankatane: E rile ke goroga mo lefatsheng leno ka fitlhela e le nna le mme fela, mme ka gakgamadiwa ke matlo le masaka a mantsi gore a tswa kae le gore batho ba ile kae le diphologolo tsa bona? E rile ke botsa mme, a mpolelela fa lo jelwe ke Kgodumodumo. E rile ke mmotsa gore rre ene o kae a mpoielela fa rre le ene a jelwe ke Kgodumodumo. Pelo ya me e ne ya utlwa botlhoko mme ka loga leano la go e bolaya. Ke ne ka senka tshipi, ka dira lerumo, ka e lata, ka simolola ka leleme la yona fa e ntse e re e a ntshwara ka nna ka le kgaola, mme e rile ke utlwa gore ke lapile, ka ineela gore e mmetse ga mmogo le lerumo la me. E rile ke tsena mo teng ga yona, ka e kgabetlelela malanyana ka e phunya mpa. Ke fa lona le rre le diphologolo tsotlhe lo tla tswa jaaka lo ipona lo dule jaana. 
ntlhake: Le latlhele fale... (Ka boitumelo) O a bona gee, le a swa... 
phika: Ke gona o tla ntumelang Killer fa ke re mothaka yo, o na le nkane. 
kgoMotso: Jaanong ke dire jang jaaka a neile batho dinotlolo jaana? (O a sunasunetsa) 
Boipelo: (Ka selelo) Rra.. . intshwarele.. . ke ne ke direla mo lefifing. Ke ne ka raelwa ke lorato lo e seng lona lwa ga Motswedi. Moswinini ke noga... noga e e raetseng Efa... ruri batho bao ke a ba ila... A rra o tla intshwarela... Go raya gore nka se kgone go boloka Mme... 
nakedi: (Ka letshogo) Tshepo, mo tshware, bona o ferola matlho, o a ngatega... 
MMaseako: Ke sone se lo se itseng batho ba mono, go thibela kotsi ka maphelo a batho ba bangwe. 
Mokgadi: Re a leka ngwanaka. Re itshelela ka mathata. Ga re na ditlogolwana re ka bo re roma. 
nakedi: Ao rremogolo! Re ne re itshamekela... 
• Boipelo o ikotlhaela se a se dirileng. 
Monna: Molemirui 
• Batsadi ba ga Boipelo ba bolola go ya go mo gakolola. 
• Ditiragalo tsa terama di a khutla gonne kgotlhang e fedile. 1 x 15 =(15) 
• Setlhoa: Go a sisibala mme badiragatsi ba dira ka go fekeetswa ke maikutlo. 
• O lenyatso le le feteletseng ka go tseela motho monna. 
seako: (O tsholetsa lentswe) Lona lwa re eng, banna? (Ga ba mo arabe) A re utlweng rre Mmalabadi ka a tsholeditse seatla. 
sankatane: Jaanong ba ile kae mma? 
thipe: Molato? 
Motswedi: (O tsena ka lebati) Dumela Boipelo. Go reng e kete ga o a iketla? Ke eng se se go gonyang maikutlo? 
Moswinini: Dira moletlo wa diragadibonwe. O bitse ditaitai tsa motse ono. Ke raya gore ba tla go itse. 
LENANEO LA DITENG 
thipe: Ao rre Ntlhake, le itisitse go lekane monnamogolo. E kete le ka tima molelo oo la ya go robala. Basimane bao ba tsoga ba ganelela mo dikobong fa ba riana... 
MMakgoMotso: Bosa joo o ne a lebisitse mo botshelong ngwanaka? 
RantleRu: Feke! 
MMegi: Lentswe le ne le utlwala mo motseng otlhe. Rremogolo Mabinagotsholwa le ene o ne a utlwa lentswe la Kgodumodumo. 
ntlhake: (O a mo ngapa) Ka re Khutsepe ke mang? 
kgoMotso: (O a sunasunetsa) O se ka wa lebala gore batsadi ba me ba itse o nnyetse Phofu... 
3.13 O tla itsiwe jaaka mmolai yo o setlhogo.   
seleBaleng: (O a lela) O ntshosa fela... 
• O rata dithoto tsa batho ba bangwe, tse a sa di direlang. 
sankatane: Ke nna ke itseng bagaetsho! Fela ke ne ke kopa gore lo mo neye sebaka a bue. 
seako: (Ka mafega) Phika,... Phika... Hei wena Phika! 
(A moithuti a ka buisa, a bo a tlhaloganya tatelano ya ditiragalo ka botlalo. A o kgona go itse gore karabo ya gagwe e simolola ditiragalo fa kae, e di feletsa kae?) 
Potso 1 
kgoMotso: (O akanya ka kutlobotlhoko) Ga ke itse gore ke wa ga mang fa ke kobilwe kwa lapeng jaana? (O a sunasunetsa) Le fa nka re ke ya go ikhutsa tlhaloganyo kwa ditsaleng tsa me, di tsoga di ntshega ka moso di dira metlotlo ka nna. Fa e le kwa ga mmatsale gone, nka tswa ke sulafaletswe go gaisa kwa ga me... Hee, ba simolola go mpolelela fa meratiso e ke e jesitseng Phofu e phophile, jaanong ke feletswe ke maano jaaka ba tlwaetse go bua... hae! le gale ga go tselapedi, ke tla boela teng kwa ga Phofu kwa, a ye go nja ditshego le mogatse... gongwe le nna ke tla bo ke tlhabelwe ke letsatsi la bokhutlo jwa mathata a me... 
o se ke wa tswa. Fa e ka go bona e tla go tshwara ka leleme la yone e go gogele kwa go yone. 
tshepo: Ga re itse rremogolo... 
Mokgadi: (O bua a le esi) Ruri bana ba dubisa thankga. O mo godisa ka thata, kwa bofelong o go phuaganya jaaka legala le le fisang. Ruri lefatshe le tletse ka meleko. Nta ke tswelele pele ka tiro ya me. (Go utlwala modumo mo mmileng) 
ntlhake: Se tshwenyege ka sona ngwanaka. Nako e gaufi, fa nka itshwela go ka nna molemo... 
nakedi: E ka bo e le ene, a ka bo a dirisa setlhong go re tsosa... rremogolo. 
phika: Nnaare leina la me le na le sukiri, fa o nnetse go le bitsa ga lekgolo jaana? 
MoRwesi: (O a lela) Ngwana yo fa e sa ntse e le lesea jaana, le gone le le kananyana a ka bolaya phologolo eno e e jeleng banna le basadi, ya be ya fetsa ga mmogo le leruo la bone jang? (O bitsa gape) Sankatane bona koo e tla go metsa. Sankatane! 
• Go na le mapodisi mo kgannyeng ya ga Phofu le Kgomotso 
MoRwesi: (O a tswa) O sale fao ke sa ile go senka se re tla lalang re se jele maitseboeng ano, 
phika: E kete ga o lemoge sengwe tsala ya me. 
• O bua ka boipelo a re o ne a sa ntse a le Khutsepe. 
• Badimo ba ne ba romela kgodumodumo gore e tle go ba metsa. 
MMaseako: Ee, e etla. Se itlhokofatse go le kalo rraago Modise. Mmolai kgotsa babolai ba ga Mmalabadi ba tla bo ba bonwe. 
Boipelo: O bua ka tshotlo? Nnyaya go timetse wena. Nna ke na le tsotlhe. Moratwe o mpolelele a o tlhaela madi, ke tla go thusa. O se ka wa kopa ka tsela e e motsopodia. 
MMalaBadi: (Ka bogale) Ee... ke wena! 
Boipelo: (Ka go makala) A Ramarumo o fetotse tshupaboswa ya gagwe? 
Boipelo: Go na le koloi e e emeng fa ga me Motswedi. Nta ke tlhole. (Tidimalo. Ka go tshoga) 
• Ya re fa e re haaauuu, a e tlhoma matlho. 
b. Bo tla sa jang? = Lerato 
MonnaMogolo: O buile mmaarona, o buile mmakgosi ya rona. Wena kgosinyana ke wena ya molotsana o leboge mmaarona fela, go seng jalo ke ne ke tla go kgama ka kgole go fitlha o swa. 
Diterama tse pedi tse di batlile di tshwana jaana: 
Batho: Pula! Pula! Phoka! Mosese, mosese, mangole le menwana ka S.J. Shole Badiragatsi 
Boipelo: Tsena o nne fatshe. Dikgang di mafaratlhatlha. 
phika: Monna yo o leferefere, ke molemirui 
tshepo: Nama... nama ya koko... sešabo sa ga Khutsepe monna... (Go lela segwagwa) 
phika: Kgale ke go bolelela Seako. Gompieno o kopane le dithaka tsa gago. (Go thwanya seme – dikgomo di a tlhakatlhakanya) 
MMaseako: Ga ke itse. O mo tlisitse fa, a sa kgone le go bua. 
2.1 KHUTSEPE Anela kgang ya ga Ntlhake fa ba ne ba tsoma ditau. Kanelo e nne mela e le someamabedi (20). 1 x 20 = 20 
• Go nna mosupatsela go barutabana fa ba tataisa baithuti. 
seleBaleng: (O a gakgamala) Ao! Ke bonang bathong? 
lepodisi: O ne a pitikologa ka sejanaga a retologa mo khoneng ka lebelo le le boitshegang. 
3.1. Mmui wa mafoko a ke mang? (2) 
ntlhake: A ka se ke a (le bolelela... (Ka go gatelela) E bolailwe ke nna, Khutsepe (Basimane ba a tshega) 
Monna: Ga twe ke Killer. O na le matlho a masesane, e bile o tletse le mabadibadi mo sefatlhegong. 
kgoMotso: (O tlhakantse le selelo) Mma tlhe tlhalosetsa rre gore go diragetse eng bathong... 
lepodisi: A ke wena mogatsa Phofu mma? 
lentswe: (Lentswe le lekima) Lona morafe ga mmogo le kgosi ya lona, ke le boleletse fa badimo ba sa itumela ka gope ka ga tsela e le tshelang ka yona. 
MMaseako: (O galefile) O a ikutlwa jaanong Modise? 
RaditeRekeRe: (O lela selelo se se botlhoko, o wela fa fatshe). Seako ke tla go rutela ba bantsi. Bona gore o setse o tsepaletse jang. 
MMaseako: Le gale, re tla tsoga re bona gore Phika o tswa go ithuta mathaithai afe kwa Gouteng. 
MMaseako: Nna ke batla dilo di boele mannong. 
phika: Lo kae rra... ? 
feke: Ga ke re le thubile lebati, la sianela setopo kwa mojakong wa kamore? Ga ke re le ne la sianela go phuruphutsa dikamore le mafesetere? 
ntlhake: (Ka matlhagatlhaga) Ke sa ntse ke le Khutsepe monna (Basimane ba a tshega) Monna... namane e tona ya mariri... ya re haaauuuu... lefatshe la roroma... ya re haauuu... gape ...ka e tlhoma matlho... ya re fa e tla e ntebile... 
3.2. Goreng ba sa batle go bonwa kgabetsakgabetsa ba le babedi? (2) 
RantleRu: Motho yo, o bolaetswe mo. E seng kwa ntle. Bona masuputso a. Le gone a ka bo a swetse gaufi le lebati. Jaanong ke yole kwa mojakong wa kamore. Ke go raya ke re o bolaetswe mo. A lebati la berebere ke le le fa le le ka inotlelang fa o le tswalela ka fa ntle? 
sankatane: Borra le bomma! Dirang gee jaaka yo mme a boletse, mme e re lo sena go dira jalo, lo tle go tlhaba lo apeye malwa lo dire mpho ya badimo. Nna ga ke batle go bona ntšwa e ntse e gogagoga lesapo la motho. 
1.7 Ntlo ya go ikutswa ke ya ga mang? (2) 
kedisaletse: (Ka letshogo) Le nna ke tshogile, monna yo o letseng a bua le rona maabane a re bolelela fa badimo ba tenegile mme ba tlile go re romelela Kgodumodumo go re feleletsa ga mmogo le diruiwa tsa rona, a ga se ene gape yo o buang yo? 
1.2 Mo koloing 
sankatane: (O maketse) Ao! mma, a selo sele ga se thaba? 
phika: Owaii! O ntlhomola pelo. Moeteledipelenyana yole wa lona Seako, o tsile go le wetsa ka lengope. 
1.6 Selebaleng ke motho yo o ntseng jang? Naya dintlha tse tharo. (6) 
2.7 Mmalabadi o tla bolaisa Phika diatla fa a dirang? (3) 
Boipelo: Moswinini, tshela setlabošane seo. Kana nna ke nyorilwe. (Go utlwala jaaka a tshela) 
kediBone: (Ka selelo) Re thuse rra! Re thuse, re thuse re tswe mo motseng ono, re se ka ra swela teng. 
kgoMotso: Jole botshelo mma ke a bo leboga... 
nakedi: Ke a go rapela ntatemogolo re ne re... (Tshepo o a tshega) 
Mathule: Selo sengwe gape. Ke nna ke tlhokomelang madi a ga Ramarumo. Mosadi yo o batla dikete di le supa, fa ke botsa o bua fa a tsaya loeto go itebatsa mogatse, mme o tsamaya le sona segataborukgwana se. 
2.8 Ke mafoko afe a a dirang gore Phika a akanye gore go tewa gore ene ke lesilo le senokwane? (3) 
kgoMotso: (O rata go lela) E le gore go tloga leng ke dirisa ditlhare fa e sale o nnyala? 
Potso 2 MOIPOLAI YO O SA LELELWENG 
Mokgadi: Ruri ngwanaka o mookana motlhaba motlhagoledi. Nna ga nkitla ke itlhoboga. Ke nna mmaago, ke tla ema le wena le fa e ka na ka dikgadima tsa go tlhokisa digatlhamelamasisi bopelokgale. Sala sentle ngwanaka. (O a tswa) (Go utlwala sejanaga se duma se tswa) 
Kwa tlhatlhobong o tshwanetse go araba potso ya karolo A KGOTSA ya karolo B. (k.g.r. Dipotso tsa ditlhamo kgotsa dipotso-khutshwe) 
sankatane: Bomma le fa e sa tlhole e le kgosi ya lona mo reetseng fela. 
RantleRu: Jaanong a o a tsenwa fa o nnetse go kokota fa ga gago? 
seako: O tla nkitse pila mosimane. (Ba a tshwarana mme ba simolola go betsana ka mabole) 
tshepo: Ke go tlisetse sekaname o nwe rremogolo? 
seleBaleng: Go siame “daddy”, ke tla dira jalo. 
tshepo: (Ka go tshoga) Ao, rremogolo Khutsepe, o ne o... 
Boipelo: (Ka go nyatsa) Owaii! Moswinini tlogela Moratwe. Ka re boMoratwe ga ba itse sepe. Nna ke tlile go lo bontsha metlholo. Bahumi ba Themba ba tla itse fa go na le motho a bidiwa Boipelo. 
Batho: Ke nnete! Ga go na boammaaruri jo bo fetang joo! Ke kgosi a e nne kgosi ya rona. (Go utlwala logadima) 
seako: O tshositswe ke eng ngwanaka? 
kgoMotso: Rra ke... ke fano jaana ka... 
kgoMotso: Go kgaogana ga re ise re kgaogane saji; le gale ke bona re tloga re kgaogana. (O rata go lela) Ke bua jaana e le gore o sale a lotlela ditswalo tsa diphaposi tsotlhe tsa ntlo a di naya kgarebe eo ya gagwe. 
Molaetsa: Thuto ya mokwadi ka setlhangwa sa gagwe. 
MoRwesi: Nnyaya ngwanaka ke yone Kgodumodumo eo. 
RantleRu: O raya re ipotsa dipotso dife? Ra re mmolai o tsene kae? 
6. Bokhutlo: Ditiragalo di a khutla. 
3.5 Ke leano lefe le bobedi jo, bo neng bo le loga? (2) 
MMaseako: Go siame rra, ke tla dira jaaka o ntaela. 
sajene: O ne a tshaba. E bile o ne o ntse o itshukunyeditse mo sekhung. 
kediBone: (Ka go netefatsa le ka letshogo le legolo) Motho yo o tshwereng ke wena, modumo o ke one gape e bile ke lentswe la Kgodumodumo. A re latele kgosi a tle a re tlhage thuso. 
• Phofu o a ikgatlha o dira fela mo pepeneneng. 
RantleRu: (O kgwa mowa) O ka re o a utlwala, Feke. 
• Kgosi e ne e se na leano la go ka ipoloka mmogo le morafe. 
• Ya nna bokhutlo ba yona. 1 x 20 (20) 
MMaseako: Wena jaanong o sa ntse o letile eng? 
• Ya tlola e mo totile,e atlhame,legano le le lehibidu. 
• Go rarabolola le go senola maitemogelo a mokokoanyi wa diterama tsa “Molatswana wa gaetsho”. Seno se tla sedimosiwa bogolosegolo ke lokwalotshelo (bayokerafi) lwa gagwe gonne ka lona baithuti le barutabana mmogo ba tla tlhaloganya lebaka la gore a bo a tlhophile diterama tse a di kokoantseng tse. 
sajene: Dumela monna Rantleru. Mme yo ke mang yo? Re mo tshwara fa ntle fa a re o a tshaba. 
Bosegataborukgwanyana: Tshimanyana ya malobanyana e e se nang maitemogelo a magolo ka botshelo. 
Monna: Kana le nna Killernyana yo le Phika, ba ne ba tsile kwa ga me. 
Boipelo: (Ka makgakga) Mma, o diegisa rre. Motlhaope o batla go ya go tlhola dikgomo fa a tsena kwa gae. 
feke: Se bolailwe ke motho. 
nakedi: Ke e nama rremogolo... 
sankatane: Mme fa lo sa tlhole lo mmatla, dirang rre kgosi ka gonne ke ka ntlha ya gagwe lo thusegileng jaana, nna ke sa le mmotlana. 
Batho: (Ka boitumelo) Sankatane! O kgosi ya rona, o tla re busa Sankatane. Ga re sa batla kgosi e nngwe gape. 
3.6.1 Boipelo (2) 
thipe: (Ka go hemela) A o sa ntse o tshela... ke ne ke tshogile ke re ke tla fitlhela kwena e ragile lepai, mogwang o ile borwa... Molato ke eng monnamogolo? 
lepodisi: (Setswalo sa itaagana) Sala jalo! 
Dipotso tsa tlhamo 
Nonwa: Fa motho go na le sengwe se se mo fetsang. 
phika: Monna Seako, e ka re o katisitswe ke Mohammed Ali. Fela itse, fa ke boa Gouteng mafelong a beke e, ke fitlhele o phuthaphuthile se e leng sa gago, o bolaile naga. A re tsamaye Raditerekere. 
Boipelo: O bona ke na le madi, o tswa pelo. 
7. Metswedi...............................134 
tshepo: (Ka go tshega, o a seba) O opela jaana ka gore o a boifa... 
phika (Ka go tenega): Utlwa fa. O se ke wa ithaya wa re ga ke itse gore lo ne lo bua ka eng kwa kopanonyaneng ele ya lona. 
feke: Ke re mmolai o dule ka phatlha e ke tseneng ka yona! Ka mojako ole. 
MMaseako: Wena ba go reile ba re eng? 
seako: Borra, se imakatseng. Rre Phika a re o boletse le lona mme lo dumetse. (Banna ba a ngunanguna) O mpoleletse jalo mosong ono. 
phika: (Ka boleta) Raditerekere! 
sankatane: Mme jaanong e ile kae mma? 
seako: Jaanong nna le ya go nthekelang? 
MMaseako: E le gore ke eng gape se sešwa? 
MoRatwe: Ga o sa botsa matsogo Sajene? 
3.7. Tlhalosa ka bokhutshwane gore Ramarumo o ne a abile boswa jang, k.g.r. ke mang yo o tla bonang eng. (5) 
Moswinini: (Ka boitumelo) Ka re moletlo wa gago ke ona wa diragadibonwe. Ka re o tlile go tuma. Ka re go tletse bahumi ka bontsi. 
kediBone: (Ka selelo le go hemela) Kgosi re thuse tlhe re a nyelela! 
ntlhake: Ga ke itse gore ga e emeleng ka itshwela... 
seako: Mosadi wa Mmalabadi o rekiseditse Phika tshimo ele. 
c. Khutsepe = Bošwa le botsofe 
kediBone: A ba bolawe! 
Motswedi: Se se raya gore Mathule o go kgomaretse jaaka kgofa. Ga o na go mo tlhotlhora. 
5. Tharabololo: Tiragalo e nngwe le e nngwe e isa kwa tharabololong ya kgotlhang. Go nna le mofenyi le mofenngwa. 
Botlhe: Le rona ga re kgomagantshe tsa rona le tsa ope. 
feke: Le ka bo le ipoditse gore mmolai o dule jang. “O dule jang” e seng “O tsene kae”. 
MMalaBadi: E seng nna Mmalabadi. Ke ganne ka be ka mo lelekisa ka dintšwa kwa ga me. 
killeR: (O a goa) Ijonnawee.. Mosadiagwe o ntshetse gase mo matlhong. 
nnuku: (O tshogile) Ke ne ke sa re ke a tshaba. Ke ne ke tshositswe ke go bona dikoloi tsa lona. 
Potso 3 
sankatane: Mma jaanong masaka a mantsintsi ano one ke a eng? 
(Go phakela go utlwala molodi wa dinonyane le dikgogo) 
• Fa a tswa mo ntlong jaanong o e neela Phofu le mosetsana. 
tau: Koko...! 
• Fa Moratwe a re o a ba gakolola, ba gana kgakololo ba re, o lefufa. 
• Mathule o bega gore Ramarumo o fetotse tshupaboswa. 
Potso 4 BO TLA SA JANG: C. MODISE 
RakgoMotso: Bona fa Mmakgomotso, ga ke tlhole ke na le ngwana wa mosetsana fa! 
kedisaletse: Bagaetsho! A motho yono ga mmogo le mogatse ba bolawe! 
MMegi: Go phakela, basadi ba babedi ba tsere dikgang ka ga ditiragalo tsa bosigo fa ba utlwa lentswe gape le goa. 
nakedi: Hei – Banna... banna... banna... le kana kang? E bile le a tshosa monna. O ka bo o le mmolaetse. O a itse gore le fa a rata nama ya lona, o le tshaba mo fa le phela... 
RantleRu: Ke eng a lebega a sa gakgamadiwe ke setopo? Tlisa kwano kgetsana eo. Ga ke re o a bona. Senotlolo se a ga se sona sa ntlo ya gago, Bosalala? Motho yo ke ena Feke a reng o ne a tsene mo ntlong a be a tswa. Re mmuletse lebati re sa lemoge. Le gone ke ena fela a ka nnang le lebaka la go bolaya lekgarebe la monna wa gagwe. (Nnuku o a lela) 
MoRatwe: (Ka go itatola) Nnyaya ausi, ke leka go lo gakolola. Se wetse Boipelo, naare lo dira sekae? 
DIKGATLHEGELO MO GO TSA DITHUTO 
MoRwesi: Nna ke ne ke lopa gore ba se bolaiwe, a ba golegelwe koloi ba laisiwe ga mmogo le dithotonyana tsa bone ba ntshiweng ka motse. Go maswe go bolaya motho. 
tau: Ke batla kwa ga monnamogolo Ranko Molefe. A ke gona fa? 
• Motswedi a re ba fudugele Mafikeng. 
sankatane: E mmeditse mme nna ka e bolaya. Ke tsile le rre. Ke yo! 
(Go utlwala dikgomo le dipodi, Seako le Modise ba mo lesakeng. Go tlhaga sejanaga mme se a ema) 
Moipolai yo o sa lelelweng Ka E.K. Lebethe Badiragatsi 
Bosalala: Rantleru! Ke nna Bosalala. 
1.8. O bewa ka letshogo ke batho ba ba ratang dilo. 
1.4 Ke monna wa ga Nnuku, ke nyatsi ya ga Mmemme. 
Bosalala: Feke, fologa monna, o ye gae go bosigo. Fologa, fologa, fologa! Ga o nwe mosimane ke wena wa re tshutshu! (Feke o a botla) Mogošane wa gago o ka re wa motho a hupile ntswa e e suleng. 
MMaseako: Modise, o thabisitswe ke eng mo go kalo? 
Boipelo: Mathule o ne a mpiditse... 
killeR: Monna yo o bosula 
phika: (Ka boikgantsho) Gonne ke patelesegile. (O a gatelela) Seako, a ke o ntheetse. Ke ile go go neela madi a tshimo ya gago, e bile ke sa ntse ke ile go go dira motsamaisi wa me. A ga o itumele? 
tshepo: Ao rremogolo, ke wena? 
(Go utlwala lewiuwiu la sepodisi le la emelentshe. Fa di ema go utlwala lekitikiti kwa ntle, batho ba goa mongwe. Ba diga lebati, ba a tsena) 
tau: O se ka wa ikopisa tlhogo. Ke tla go isa koo. Ke ne ke ntse ke tla kgabaganya fa teng fa ke boela kwa dikantorong. 
lentswe: Monna ka lentswe le lekima kediBone: Mosadi, o bua ka bogale kedisaletse: Mosadi, le ene o bua ka bogale MonnaMogolo: Ke monnamogolo, o setse a godile thata kgosi: Ke monna, ga a na boikarabelo MMegi: Lentswe le le phepa MoRwesi: Ka lentswe le le monate, o bonolo thata sankatane: Lekawana le le pelokgale MMegi: Setšhaba se se neng se dula mo motseng wa Phokeng gaufi le thaba ya Mogone, se ne se galefisitse badimo ka go sa ba leboge, morago ga ba ne ba sena go roba mabele a le mantsi. 
(O bula lebati a be a le tswala) RakgoMotso: Dumelang mo gae. 
seako: (O a seba) Diragatsa tse ke di go laetseng morwaaka. 
-Mo go buiseng, baithuti ba leke go tlhaloganya mafoko le kgang yotlhe ka kakaretso. Ba latele ditiragalo sentle, ba bone mabaka a a di tlholang. 
kgoMotso: (O a tshoga) Bua tlhe sajene... a mongwe wa gaetsho o tlhokafetse? 
nakedi: Tshepo o go tshwaretse letlametlo rremogolo... 
sankatane: Mme ke nna ke lo ntshitseng mo go yone, lona lotlhe ga mmogo le leruo lotlhe o bo o dirwe le ke borraago! 
Diteramakhutshwe: Diterama tsa kgaolo e le nngwe. 
(Go utlwala modumo wa kwa magaeng) 
nakedi: Ke a rapela rremogolo ke utlwile... 
Potso 1 
MMaseako: Owaai! Wena. Kana ’atla tsa gago di itse go isa dijo kwa leganong fela. 
1.14 Go reng a ne a fepiwa jalo ka bojalwa? (2) 
MMaseako: Ke monna yo a rekisang mala le mogodu ka baesekele. A re o mo setse mo gare ga tsela. 
seako: (O gakgametse) A ke o ntlhalosetse sentle monna. O a re Phika o dirileng batho? 
phofu: Hm... ! Ka re metlholo ga e fele ruri. 
Terama: Tiragatso/setlhangwa se se tlhametsweng go diragadiwa. 
• Batho botlhe mo motseng ba ne ba mediwa mmogo le diruiwa tsa bona. 
MoRatwe: Basadi, nna ke a tsamaya. Tota dikgang tsa lona di a mpipela. Mme lo itseng, khumo segwagwa e a pharuma. Yo o sa e somareleng, o tla solofela leraga. (O a tswa) Ke a tsamaya, salang! 
seako: (O simolola go boifa) Sa go tshwana le eng? 
MMaseako: Ke a itse gore o a bo a ntse a romeletswa ke Phika. Ruri dilo di sa ntse di ile go senyega. E kete rraagwe Modise a ka bo a setse a boile kwa lesakeng. 
Motswedi: (Ka go hemela kwa godimo) Ke ne ke tshogile. Ke ne ke nagana gore ba tla nna lobaka. Go reng le ne le omana jaana? A batho ba ga se batsadi ba gago? 
MMalaBadi: (Ka go tenega) O se ke wa ntshosetsa monna. Ke tlile go go bolaisa diatla, fa nka tlhola ke utlwa o bua ka tshimo ya me. 
sajene: Lepodisi 
(Go maitseboa, basimane ba tlhaga kwa madisong) 
RantleRu: Ga ke go kgakgauthe, ke batla nnete. Tswaya ka nnete o tle o tlhatswege mo molatong o. Motho ke yo o bolailwe. O swetse mo ntlong ya gago. 
ntlhake: (O mo tsena ganong) Le tshameka ka nna? A ke molekane wa lona? Ke godisitse rraalona fa a riana... gona le tsaya kae molao wa go mpitsa Khutsepe? 
Boipelo: Monna yo o tloga a ntiteisa letswalo. Matlho a gagwe e kete a katse. Fa a go lebile o bona e kete o bala tlhaloganyo ya gago. Motswedi o kae? Ke mo reile ka re a tle morago ga dijo tsa motshegare. Fa a tla o tla swaba go utlwa matute a a galakang a santlhoko a Mathule a sa tswang go ntshelela ona. Owaii, boMotswedi le bona ba itira matlalapoa. Ga ba itse sepe ka nako. (O fitlha mo legaeng la gagwe) A ga se nako e o rileng o tla tla ka yona? Tlhang ga ke mo fitlhele fa gae? (O tsena ka lebati. Fela fa a sena go baya dithoto tsa gagwe go kokota mongwe) Motlhaope ke Motswedi.. . tsena.. .! 
Ranko: Rraagwe Boipelo, o dingwaga di le 60 
tau: Ke sajene Tau koko. O itsise monnamogolo fa a fitlha nkoko. Sala sentle. 
phofu: Le gale ke a itse gore ga go ope yo o ka kgonang go emelana le tlala e e kalokalo a tswa mo khumong. 
ntlhake: Le tšhwatle tlhogo e... 
MMakgoMotso: Tsena! 
• Ntlhake o bolaile tau ka diatla tsa gagwe e seng tlhobolo. 
i) Std 5 Modern Agricultural Science ka PJC Kuun, 1984 ii) Court Order Case No. 126691 ya ga Eugene Marais Attorneys iii) Molaotheo wa Evangelical Luthern Church of Southern Africa Youth League iv) Dept of Education Policy Document 1998 v) Mission and vision of the Methodist Church in SA (From Bishop Dandala) Dikwalo tse a di tlhotlhileng diphoso le go di baakanya: i) Setswana se se tlhagatlhagang Std 7 -8: De Jager Haum ii) Molatswana wa Gaetsho: Radio Dramas, De Jager Haum iii) Best book: All – in – one (Both students and teachers manual), Grade 0 – 12 
Bosalala: Ee, ntata. Ke mo tlogetse mo ke ya teropong. 
feke: O raya jang? O fitlhela e le nna ke lekang go rarabolola mathata fa! BoRantleru ba gago ba ne ba itlhobogile fa e ka bo e se ka nna! 
3.7 Boipelo o tla bona tse di latelang: Madi a kwa bakeng. Ntlo Madi a inšorense le a lekgetho la dikoloi Sekolo sa difofu se tla bona: Llori 
(Go utlwala molodi wa dinonyane le dikgogo) 
3.13 Kwa bokhutlong batho ba kwa Themba ba tla itse Boipelo jang? (2) 
RantleRu le sajene: Tloga fa! 
1. O tshabetse go tlhola a kgobiwa ka mafoko le go sotliwa mo moweng. 
seako: (O tletse pelaelo) Gona e ka nna motlholo. Ba tlhatlhamolola matlo a bona jang mo mafifing a? 
tshepo: Nnyaya rremogolo o se ke wa swa tlhe re sa ntse re... 
RaditeRekeRe: O bue le rre Phika sentle. Ke dirisanya nae. Le gona, ga ke batle sepe ka ga gagwe. 
Boipelo: (Ka makgakga) Rre o go emetse kwa koloing. Ke tla lo bona. Tsamayang sentle. 
feke: O a re a tsene kae? A ke jona bothata jwa lona? Motho o tsena kae fa a sa tsene ka mojako? 
feke: E re “Ee, abuti”, o ntse o re “Ohoo” o ka re o motho a hupile mouwane. Ga ke re le nna le mpone fela ke setse ke le mo ntlong? A re sutiseng bolao jo bo fa thoko ga lebati jo. (Ba a bo sutisa) A selo se ga se motlhala wa motho a huhumela? A se ga se mangole a gagwe fa a ne a gagabela kwa ntle? Nkarabeng! (Ba a didimala) Le fetile bolao jo, la sianela kwa dikamoreng, e bile le tlogetse lebati le sa tswalwa. Motho yo le mmatlang o dule ka fa tlase ga bolao jo. Le gone ga a kgakala. Fa lo ka mo latela lo ka boa ka ena go ise go ye kae. 
tshepo: (Kwa godimo) Ke sepoko... 
seako: E seng gompieno ngwanaka. Ngwanaka, fa o sa rate rraago a bolaiwa, o tla diragatsa se a tla se go laelang. 
MMegi: Mosimane Sankatane o ne a gola a nna le tlhaloganyo, mme a ba a tswa mo khuting, a tsamayatsamaya ka fa ntle fa mmaagwe a sa ile go senka dijo. Ka letsatsi lengwe a botsa mmaagwe a re... 
phika: O ka re go ka nna jalo. Go itshupa fa o itlhaganeletse kwa masimong? 
• Go na le lepodisi mo kgannyeng ya ga Nnuku le Mmemme 
MMakgoMotso: Ijoo...! Ngwanake o latlhegetseng wee...! 
3.4Mosimane wa sankatane................. 61 
O tsene kwa sekolong se se potlana sa Mabaastad gaufi le torotswana ya Koster wa Bokonebophirima.O bone dithuto tsa sekolo se segolwane kwa Bethele, mme a tsweletsa dithuto tsa gagwe teng kwa kholetšheng ya Katiso ya Barutabana kwa Bethele, Bodenstein, Coligny, kwa a neng a bona lokwalo lwa borutabana le la matiriki gona. O ne a simolola go dira kwa Krugersdorp.Go tloga ka 1970 – 1971 a dira tiro ya bokwaledi kwa kgotlatshekelong ya magiseterata kwa Itsoseng. Go tloga ka 1972 – 1974 o ne a ithutela dikerii ya BA kwa yunibesithing ya Lebowa, maswabi ke gore ga a kgona go konosetsa dithuto koo ka ntlha ya dikhuduego tsa sepolotiki. Ka 1975 o ne a ruta kwa Bethele mme a ikwadisetsa go dira thuto ya Sociology ka nakwana kwa UNISA.O ne a falola dikerii ya gagwe kwa UNIN (Turfloop) ka 1976 a dirile dithutokgolo tsa Setswana le Biblical Studies.O bone lokwalo lwa BA (Hons) kwa UNISA ka 1989 mme ka 1994 o ne a falola dithuto tsa MA (CW) kwa Yunibesithing ya Vista. 
2. BAYOKERAFI YA GA MORULAGANYI 
nakedi: Mosimane wa dingwaga di le 15 
seako: Lona bontate, tsamayang lo ye go remela mmidi o dikota go o agela sefala. Bomme, lona o robeng mme lo o kgobokanye mo gare ga tshimo. 
3.6 Tlhalosa semelo sa baanelwa ba ba latelang: 
MMegi: Mosimane Sankatane o tsere lobaka lo loleele a ntse a lootsa lerumo la gagwe mmaagwe a sa mmone, mme e rile letsatsi lengwe mmaagwe a sa ntse a ile go rwalela a sala a ngwega a lata Kgodumodumo. Kgodumodumo ya gana go mmona a sa ntse a tla a le kgakala ya dira modumo Goo... ! Gr... ! 
2.6 Leina Mmalabadi le ka naya modiragatsi semelo se se jang, fa le ile boreelelong? (4) 
BO TLA SA JANG? 
tshepo: Intshwarele rremogolo, ke ne ke itshamekela fela. Ke ne ke tshogile tota, nka se tlhole ke go tshosa rremogolo. Ke ntse ke ithaya ke re o a tshameka fa o re fa o ka tshoga thata o a ngatega. O intshwarele rremogolo, nka se tlhole ke dira jalo... 
• Maduo a a abetsweng potso. 
Ranko: Nna ke tlhapile diatla. Ga ke na ngwana wa seganana. Boipelo ke mosadi. O gana ke re a nkutlwe. O tla thanya lo le tsebeng. 
kgoMotso: Rra kana maemo a botshelo jwa rona a fetogile mo... 
MMaseako: (Ka poifo) Ke eng Modise? 
• Go nna mosupatsela go baithuti fa ba dira tiro ya tshekatsheko ka bobona, go buisa le go tlhaloganya dipotso mmogo le go araba ntle le go sutlha sekgwa. 
Moswinini: Mosadi wa dingwaga di le 25, ke leferefere 
Boipelo: Go raya fela jalo. Re tla nna re bonana jaana go fitlhela madi a inšorense a tla. Morago ga moo re tla leka leano le lengwe. Maano ga a site Motswedi, go sita a loso. 
kgoMotso: Ka fa ba buang ka teng ke wa ga Phofu ene ngwana yo o tla tsholwang yoo. 
o kelotlhoko. 
RantleRu: M-m! M-m! Golo fa go na le mokgwa fa monna. Tiro ya me ya bopodisi e nthutile gore dilo tsa mofuta o di kaya sengwe se se kotsi. Ke roba lebati. 
phika: O tlhokomele, o se ka wa fitlhela o nthogile... (Ba a tswa) 
ntlhake: (Ka boitumelo) O raya letlametlo... tlisa kwano pitsana eo ke fitlhole le tle le itse go nnaya kofi, ke tle ke re ke itshwela pelo e be e le tshweu. (O khurumolola pitsa) 
Bosalala: (O a kua) Joooo! Ijoooo! Mmalonnawee! 
(Go maitseboa mo motseng go utlwala dintšwa di bogola) 
3.3 Themba 
MonnaMogolo: Didimalang Bafokeng re neyeng Sankatane kgosi ya rona sebaka a bue! 
MMaseako: Ke reeditse mogatsaka. 
tshepo: A go ye wena, nna ke sale le rremogolo. Ke go direleng rremogolo? 
• Ga a kgona go itshoka mme o boetse gae a sa kobiwa. 
MoRatwe: (Ka go kgalemela) Tsela ya lona e tsena ka sekgwa se se kitlaneng e le tota. Ke tshwanetse go lo tlhaba botlhale. Nna ga ke batle go lo bona lo sotlega... 
2.2 Senola semelo sa ga Phika o lebile mokgwa o a buang ka ona: kopanonyana, moeteledipelenyana (3) 
1.12. Maikutlo a tenego. 
1.2 Tsibogo ya ga rraagwe Kgomotso e nnile efe fa morwadie a boetse gae? (3) 
MMaseako: Go bua boammaaruri, ke go re ga ke batle go fetoga motlholagadi gonne ke a itse gore Phika o ile go dirisa mokgwa mongwe le mongwe o o makgwakgwa go go tlosa mo tseleng ya gagwe. 
sankatane: (Ka go botsa) Batho! Batho ke eng? Ba ile kae jaanong? 
Garumela: Go gakalela motho o mo felela pelo. 
kgoMotso: Agee, rra. 
nakedi: Koko ya gago e lela jang monna... (Segwagwa se lela gape) Ijoo... ke eng monna? 
Bosalala: O a re o a utlwala. Jaanong mmolai e ka nna mang monna? 
Mogapatiro ke modiragatsimogolo yo o nang le bothata, yo o ngongoregang, yo o tshwenngwang. Mokganatiro ke moemakgatlhanong. O baka bothata, o tshwenya mogapatiro. Mogapatiro le Mokganatiro ba na le baemanokeng ba ba ba rotloetsang ka dikgakololo. Motsenagare/molotlhanyi ke modiragatsi yo o amanang le makoko a mabedi. A ka nna molotlhanyi kgotsa moagisi. Modiragatsi o na le ka mokgwa o a bopilweng ka ona ke mokwadi. O bopiwa a newa semelo se se tla mo kgontshang go diragatsa le go nna le seabe se a se abetsweng. Sk. Boipelo ke lesilo, o bolaile monna mme o lemoga kwa bofelong gore ga go nne bonolo go ja madi jaaka a ne a itheile. Modiragatsi o senolwa ke; dipuo tse a di buang; se badiragatsi ba bangwe ba se buang ka ga gagwe; leina le le yang boreelelong – Killer le tshobotsi –bontle jo bo nang le dibelebejane. 
MMalaBadi: Molemirui 
RakgoMotso: A e re a ntlhalosetsa wena o ye go apeela monna wa gago! Tsamaya! 
1.7 Loso lwa ga Phofu lo bakilwe ke eng? (3) 
lepodisi: Ka re tlisa dinotlolo tlhe di a batlega... 
• Mabaka a gagwe ga a utlwale,a botlhofo go ka mo ntsha mo ntlong ya gagwe. 
kgoMotso: (O a sunasunetsa) Tota ga twe go diragala eng mo motseng o Ramasedi... 
Mogošane: Monkgo wa mowa o o seng monate wa molomo. 
seleBaleng: Hm... ! A e nne ene tlhe. Tsena! (Lebati le a bulega le bo le tswalega) 
• Letsogo la ya go tswelela ka kwa morago. 
Boipelo: Itlhophele Motswedi. Lenyalo ga le tshwenye. Ke na le wena, ke na le madi, ke tlhoka eng? Fa re nyalana re latlhegelwa ke madi. Nna ke bona go ka siama gore re se nyalane, mme re tswelele pele ka lorato lwa rona. 
3.4 Fa Boipelo a re batho ba tla mo itse o raya jang? (2) 
Ya boraro: “Khutsepe” Kamano e ntle ya bašwa le rraabonamogolo. 
  
tau: Ke tla go romela tshwetso ya rona mo nakong e e sa fediseng pelo. Mathule: (O a ema, mme o a tswa) Ke a itumela. Sala sentle rre Tau. 
Ranko: (Ka go tenega) A o sa batla go tsolwa diaparo ke ngwana o mmelege? Nna ke utlwile. Wena jaaka go twe mmangwana o tshwara thipa ka fa bogaleng, e tshware e go sege. 
ntlhake: (Ka lenyatso) Ke tsaya kae tlhobolo? Ka diatla tse tsa me tse monna. 
MMaseako: Ke se ke ka tlhola ke go utlwa o bolela kgang eo. Tsotlhe di mo magetleng a ga rraago. 
phofu: Sentle! Sentle! Tota e bile ga ke itse gore ke lefelo lefe le nka go tseelang kwa teng go go itumedisa... 
phika: Ga ke ngwana, ke itse puo. Maloba ke ne ke kgalemela Mmalabadi go bua jalo, gompieno ke wena moeteledipele wa bona. 
sankatane: Mma jaanong rre ene o kae? 
• Fa ba simolola go rua sekgwa seo se ne se tletse ditau. 
nakedi: Tshepo e ya go bitsa rre, ke tla sala le ene... 
1.9 A o bona tharabololo ya kgotlhang ya terama e e siame? Tlhalosa. (6) 
ntlhake: Tlhatlola kgaka eo o e beye fale e fole. Le reetseng sentle. Se, ga se naane, ke kgang e e diragetseng ka mmatota... phu... kgotletsa molelo o o tuke, ke fatlhwa ke mosi... (Ba futswela molelo) Ja so... 
Mathule: Ke go biditse jaana ka ke ne ke le mmueledi wa ga Ramarumo. Ke rata re rulaganya dintlha tsa boswa jwa ga Ramarumo ka gonne phitlho e fetile. Ke ne ke re o itse gape gore rre Ramarumo o ne a dira tshupaboswa e ntšhwa pele a tla tlhokafala. 
thipe: Rraagwe Nakedi le Tshepo 
Boipelo: Tsena rra..... 
Kagosešwa: Tlhabololo le tokafatso ya se se neng se le kwa morago kgotsa se le seemotlase 
seako: Tsena! (O bula lebati, o a tsena) O 
kgoMotso: Ba re fa Phofu a sa tlhole a nthata bone ba mo reng? 
sankatane: (Ka go inagana) A mme ga a mpone! Ke ile go senka sengwe se nka bolayang Kgodumodumo eno ka sona. Ee, tshipi eno e tla siama, fa nka e lootsa, ya nna bogale, ka e dira motswi jaaka lemao ke tla e tlhaba ke e gagole dimpa tseno ke ntshe rre. (O simolola go lela) 
sankatane: (O simolola go seba) Jaanong mma fa e nkutlwile e ka ntira eng? 
lepodisi: Nte ke tseye selo se ke go gelele metsi pele ke tle ke late dinotlolo tseo... 
MMakgoMotso: Jaanong ba ga bone ba a reng Kgomotso? 
2.1 Mmuisano mo temeng e, o senola kgotlhang e le eng/go lwelwa eng? (2) 
kgoMotso: Go tsile go nna jalo... 
MMaseako: Nna ke bona se se botoka rraabo, e le go amogela bonnyane jo a re bo nayang, re bo re itsamaela. 
Boipelo: Go siame. Nte ke apare pele diaparo tse dingwe. 
(Motshegare kwa magaeng) 
nakedi: Ke baiki rremogolo, re e go reketse. Re e koleketse, nna le Tshepo. 
thipe: Bonang fa, tsayang dikgamelo le ye go gama. Ke tla ya go mmona. 
1.4 Goreng Kgomotso a ne a sa ye go ikhutsisa tlhogo kwa ditsaleng tsa gagwe kgotsa kwa ga mmatsalaagwe? (3) 
RantleRu: Didimala mošantowe! Golo fa re mo mathateng fa. Bosalala, letlapi le la motho le tswa kae le? E seng gore ke ena a nang le mokgwa a ntse a imakatsa jaana? O ntse o le kae monna? 
sankatane: (Ka lenyatso le ka pelokgale) Ga e ka ke ya ntira sepe. Ke setse ke e kgaotse leleme. (O bua a le esi) Ke tla go bontsha phologolonyana ke wena. O gopola gore ke rre le batho ba o ba jeleng? A ga o itse fa tshoswane e kile ya bolaya tlou? (O Iwa le Kgodumodumo) Hm! E tla mphenya. Nka leka leano lefe? A nka e tlhaba ka lerumo leno? Nnyaya fa e ka leka fela go mmetsa ya se ke ya mpolaya, ka tsena le lerumo leno la me ke ntse ke le tshwere, ke tla e phunya mpanyana eno mme ka ntsha rre! (O a lela) 
Se kgang e ikaegileng ka sona. 
seako: (O a tshega) Go fedile ka bona. Wena mmaabo le Modise, tsamayang lo mpiletse borre ba motse, re tle re tlose ditopo tse... 
Mametlelelo e, e rulagenyeditswe go nolofaletsa baithuti le barutabana ba kereiti ya 12 tshekatsheko ya diteramakhutshwe, le go ipaakanyetsa tlhatlhobo ya Pampiri ya Bobedi ya Setswana mo kereiting e. 
MMaseako: O ka tswelela re reeditse. 
Modise: (Modise o supa fa a boifa) Ntate... ntate... 
kgoMotso: (O rata go lela) Ga go kitla go nna bonolo gore ba n... kamogele gape... 
Kgorikgoring: kgodukgotshwaneng 
Ya bone: “Mosimane wa sankatane” Tumelo ya Bafokeng mo badimong ba bona. 
feke: Ee, fa batho ba bangwe ba ka bo ba tlhokomela basadi ba bona, golo fa go ka bo go se na setopo fa. Ga ke itse gore a le gone fa le nnetse go nteketa jaana ke gona fa le rarabolola sengwe. 
seako: Lo reyeng Rralori fa a fitiha fa, a ye go tsaya seile kwa gae. Rre Phika, o tla intshwarela. Nka se kgone go tlhakanya tshimo ena le tsa lona. 
• Mafokomagolo a a rweleng moko wa potso. 
MMaseako: (O ntse a sisa pelo) Ga ke bolo go bolelela rraagwe Modise. Ruri ke mmoleletse. Bona jaanong maemo a setse a etegetse jang? (Go utlwala lori e feta) 
ntlhake: (Ka boitumelo) Ke fodile... ke fodile... 
1.3 Ke goreng Mmui a re Nnuku … e ne e le sssoommang? (3) 
Ranko: (Ka bonolo) Boipelo, re utlwelele ngwanaka. Ka kitso ya botshelo re go gaisa thata. Nna le mmaago re go godiseditse mo sekereseteng, re rata o ikilela mme o ipoloke. 
tshepo: Ke a go rapela rremogolo... o nthoba lebogo... Ijoo... o ntlhaba ka setlhong rremogolo... 
• Mokgwa wa go araba dipotso ka go tlhamalala e seng go dikologa le go ya lolololo. 
tshepo: Maitshwarelo rremogolo... 
Motlha/nako (Mariga, bosigo, ura ya bobedi jj.) 
tau: Ke a go tshwara. Ke lebogela tshedimosetso ya gago rre Mathule. 
• Rraagwe basimane o ne a sa ntse a le mmotlana jaaka bona. 
3.9 Loso lwa gagwe lo ne lo tshwanetse go batlisisiwa fa e se wa maitirelo e bile boipelo o ne a tla bona tsotlhe tse fa a ne a ka se tsene mo nyalong e nngwe. 
kgoMotso: Dumelang. 
Mathule: Fa mosadi yo a amogela madi a gagwe, o tla lwela gore a tlose taolo ya me mo mererong ya Ramarumo. Fa a dirile jalo, thato ya Ramarumo e tla bo e sa tshegetswa. 
Boipelo: (Ka lenyatso) Wena Moratwe o itirile mmamorutinyana. Nna ke a inwela. Bojalwa bo lebatsa mathata a lefatshe, le gona bo a lapolosa. 
ntlhake: (Ka letshogo) Hai wena... o se ka wa bulela gaufi le nna. 
kgoMotso: (Ka mowa o o botlhoko) Hae! mma nte ke nne fa fatshe ke di go thathololele tlhe. 
Boipelo: (O bua a le nosi) Ka re ruri ke tla nna mmadipoponono. Ke tla ja ke namile. Mongwe le mongwe o tla bua a sa fetse ka ga Boipelo. Ke ne ke sa itse fa Ramarumo a na le madi a le mantsi jaana! Ga a na batsadi kgotsa dikgaitsadi tse di ka tsosang kgang ka boswa jwa gagwe. Ija! go bosigo. Motho ke yo, le ena o lala a sasanka masigo. Nte ke ye go robala. 
tau: Sajene wa mapodisi 
e. Lemorago Ditiragalo tsa terama di diragalela mo lemoragong le le agilweng ke moterama. O le aga gore le tsamaelane le ditiragalo. Lemorago la ditiragalo le arolwa ka dikarolo tse di latelang: Tikologo (motse, dithaba, dinoka jj.) 
seako: (O galefile) Phika, wena le Raditerekere, ke lekgotlanyana la eng mo tshimong ya me? 
Dikgato tsa poloto ya terama: 
tshepo: (Ka go seba, o sebela Nakedi) Ga ke mo dumele... 
ntlhake: (O tshega go feta) Banna! Thokwana o sa ntse a le diphatsa, ke ne ke sa ntse ke re ke itlhoboge ke ge a setse a betsa ka tlhako. O go baakantse buti, o tla go ntsha makgakga. Ntshose gape, motsing o o tlang, o tla go phatlola tlhogo e... 
kgoMotso: Le nna ke a tle ke gopole mafoko a gagwe fa botshelo bo fetoga jaana mma... 
3.2 Bo tla sa jang? ka C Modise 27 
• Nnuku ke mogapatiro 
tshepo: Ke a gobala rremogolo... 
ntlhake: (O a mo fala) Bolaya letlametlo lele ke le batla le sule... 
sankatane: Mma fa ke bona matlo a mantsi jaana go dula eng mo go one? 
MoRwesi: (O a seba) Ke rile o buele kwa tlase e tla go utlwa! 
seako: (Ka bogale) Ke molemi wa mmopo, e bile ke ya go nna ke nna molemi wa mmopo. A me a kalo morena wa me. 
Boipelo: Motswedi moratiwa, go tla siama. Ka re ka moso ka nako e, re tla bo re feditse tironyana e ya rona. Ka re bathonyana ba Themba ba tla nkitse. Ramarumo ga a itse sepe ka tiro ya madi. 
kgoMotso: Hae! Ga ke itse gore ke a bo ke tsile go mo pota ka kae ruri. 
seako: (O supa khutsafalo) Ga se seo fela se se nkutlwisang botlhoko. 
nakedi: O gaufi... simolola... 
lepodisi: Konsetabole ya kgaolo 
7. Kotsi ya sejanaga. 
RaditeRekeRe: Heela mosimanyana ke wena. 
3.6.3. Mathule (2) 
Bosalala: Fela go a itshupa gore ga a bolaiwa ke nna. 
MMaseako: (Ka kgakgamalo) O se ke wa rialo. Ao e ne e se maikemisetso a Mmalabadi. 
Madi a inšorense le a lekgetho la dikoloi e tla nna a gago. Koloi ya llori e abetswe sekolo sa difofu. Dikoloi tse dingwe ke tsa gago. Mme Ramarumo o ratile gore o newe tsotlhe tse fa o ka mo tlotla...wa nna o sa nyalwa go fitlha o ya badimong. Go sa nneng jalo, dithoto tsotlhe di tla abelwa mekgatlho ya bana ba ba se nang batsadi. Gape fa go ka bonagala gore Ramarumo o bolailwe, go tshwanetse ga nna le dipatlisiso pele o bona madi ao. 
tshepo: Ke yole o dutse ka fa tlase ga setlhare. A re mo atamele. 
seako: Ke mang? 
• Phofu o bolailwe ke se a se jeleng-lerato la maiphitlhwaphitlhwane. 
seako: (O a omana) Ga ke ise ke bue lefoko leo. 
MMalaBadi: O tsamaya o bolelela batho gore nna ke go file tshimo ya me gore o jale koronnyana ya gago? 
1.8 Kwala mola o o thaletsweng o, ka mafoko a gago (5) 
• E rile e le mo moeng e atlhame,a tsenya letsogo mo leganong la yona. 
seako: Ke batla gore lo ntheetse ka ditsebe tse pedi, wena mmaabo le Modise. 
MaBinagotsholwa: (Ka go tshoga) Hei, o mang wena o ntshosang jaana? Ka ba ka re o sone selo se se ntseng se bolela se re re tsile go fediwa ke Kgodumodumo. 
• Boipelo o bonwa gangwe le gape a tsamaya le Motswedi. 
1.6 Kwala “khamaan” ka nepagalo ka puo ya gaeno (2) 
Ka 1975 – 1978: O ne a ruta kwa Bethele:- Coligny mme ka 1979 – 1982::- e ne e le morutabana kwa Sekolong se segolwane sa Badirile kwa Carletonville (1981: E ne e le mogokgo wa namaotshwere). Ka 1982 – 1983: e ne e le Motlhatlheledi wa Setswana (Lecturer) kwa Inservice Training Centre-Mamelodi morago Soshanguve. 1983 – 1986: o ne a nna Motlhatlheledi wa Setswana kwa Yunibesithing ya Vista kwa Mamelodi. 1996 – 2005: o ne a nna Motlhatlheledi wa Setswana kwa Yunibesithing ya Pretoria. O ne a rola tiro ka ntlha ya bogodi ka 2005 Motsheganong 31. Gajaana o mo tumelelanong e e kwa thoko ya go dira jaaka motlhatlheledi wa Setswana kwa Yunibesithing ya Pretoria. 
Buisa temana e e latelang ka kelotlhoko go ikgakolola ditiragalo mme o arabe dipotso tse di latelang: 
RantleRu: Feke, o tloga o ntshia mo lefifing fa o sa tswale melomo e e dibete eo. Kana fa o ka bo o sa senngwa ke botagwa e ka bo e le wena o nthusang ka dikakanyo. 
Mokgadi: Mmaagwe Boipelo, o dingwaga di le 60 
Kgotlhang/bothata/selwelwa/ ngangisano: Ntwa ya badiragatsi mo terameng. 
seako: (O galefile) Go reng o tsere Raditerekere a ne a re lemela rotlhe? Go reng o dira gore re jale korong, o ntse o bona re rata mmopo? 
Boipelo: (O tshwenyegile) Ga ke bone mosola ope rra. Nna ke moša, nako ya go lela e fetile. 
Motswedi: Ke nnete Boipelo moratiwa. Moletlo o ke o mogolo. Ka re ke dilo tsa Boipelo wa Motswedi wa ditodi. (Ba a tshega) 
nakedi: (Ka go hemela) Rra wee, ka pele, rremogolo o a lwala. 
Motswedi: Nnyaya, tlaa ka tsona. 
MMakgoMotso: Ga ke re ngwana o go tlhalosetsa se se mmayang fa... 
O na le kgatlhego e kgolo mo dikwalong , bogolo jang poko le porouse. Fa e le fonetiki yone o e tlhaloganya botoka. O dirile le Lefapha la Thuto jaaka Motlhatlhobi wa Setswana Puo ya Gae mo kereiting ya 12 ka 1987 – 1993, a nna Motlhatlhobi wa pampiri ya Setswana mo Botong e e Ikemetseng ya Ditlhatlhobo (IEB), Motlhatlhobintle wa Dikwalo tsa Setswana kwa diyunibesithing tse di latelang: UNISA; PUCHO le UNIN. O nnile Molekanyetsi wa boditšhabatšhaba wa Setswana Kereiti ya 12 kwa Mpumalanga le kwa dikholetšheng tsa Promat go tloga ka 1994 go fitlha jaanong.O ne a tsenela dithuto tsa boranoledi tse di neng di rulagantswe ke ba mokgatlho wa PanSALB ka 2005. O ne a tlhotlha diphoso le go baakanya dikwalwa tsa baithuti ba Setswana tsa MA (MA Dissertation) Ke tokololo ya Boto ya Bosetšhaba ya puo ya Setswana e bile ke mongwe wa ba ba neng ba rulaganyetsa Melawana ya lekwalo la mareo le mopeleto. Ke tokololo ya lekgotla le le tokafatsang kwalo ya Setswana Terminology No. 4. O nnile le seabe mo kwalong ya Bukafoko ya,Basic English, Tswana Across the Curriculum ka Dr KB Hartshorne. 
seleBaleng: (O ntse a lela) Ke latlhegetseng tota nna khutsana ka ngwana wa lesea tota... ? 
kedisaletse: (Ka selelo) Kgosi di tla di lelekisitswe ke phologolo e e ditsebetsebe tse ditona e e maswe! (Letshogo) Bona! Bona kgosi jaaka e metsa pitse yotlhe e ntse e tshela! 
4.1 Dipotso tsa tlhamo..................... 119 
MMalaBadi: (O bua a le kwa ntle) Ke nna! Mmalabadi. 
Modise: Mosimane 
seleBaleng: (O swa ka ditshego) (Lebati le a bulega le bo le tswalega) 
tshepo: Ke batlile ke tshaba ke re o sepoko ... 
Boipelo: Ke go utlwile. Buisa tshupaboswa e ntšhwa ke utlwe. 
RantleRu: Ka re a o mo tlogetse mo ntlong? 
  
Bosalala: Borra, mme yo ke mosadi wa me. Ga a amane le se se diragetseng fa. 
Boipelo: O itira yo o sa tlhaloganyeng. Motho mang le mang o tlhoka lorato. Monna yo o kgonang go naya mosadi lorato, o gapa pelo ya mosadi yoo. Wena Motswedi, o ntiretse go gaisa Ramarumo, monna wa me wa dikgomo. Ramarumo ga se monna wa sepe. Go botoka fa a se teng gaufi le rona. 
MoRwesi: Ao! Dilo di a latelela ruri! Go ka tsoga modumo o mokanakana wa phefo? Kgotsa ke eng? Pula le yone e a na. Ke tla lala ke robetse kae fa metsi a ka tlala ka khuti? Le gona ke tla robala kae sepoko se le gone? (Go a didimala, morago go utlwala molodi wa dinonyane, diphologolo le batho ba ba buang ba ba itumetseng) (Ka go makala) Ke utlwa eng? Fa e kete ke modumo wa dikgomo le batho jaana? A ke a lora? A gone mme nka lora motshegare o mokana? Nnyaya ga ke lore. Ke batho, ke bale! Mme ba tlhaga kae? (O itumetse) Sankatane! Sankatane o tswa kae? Ke ntse ke re ke bone Kgodumodumo e go bolaya? 
killeR: (O tlhaeletsa lentswe ka bogale) Heelang lona. Tswang lotlhe ka mo lesakeng. Ga ke batle go bua gabedi. 
Modise: (Ka go boifa) Ntate, o a re bitsa. 
(Mmalabadi o goroga kwa go Phika ka pitse) 
RantleRu: A tswa kae ka o a utlwa gore ra re re fitlhetse mabati a lotleletswe ka fa gare? 
tshepo: O nthobile letsogo rremogolo... 
seako: (O gatelela lentswe) Fela nna, ke ya go nna ke nna Seako. A ka se mphetole. (Ba a tswa) 
3.6.4. Moratwe (2) 
tshepo: Ao, rremogolo? 
Bosalala: Nnyaya, kana ke gore o nnetse go nkgakgautha. 
phika: (Ka go makala) Tlhang o tlhaga o sianisitse pitse botlhoko jaana Mmalabadi? Bona, e bile o tswa madi mo molomong ka mokgwa o o ntseng o itomile molomo wa kwa tlase ka teng. 
(Kwa kgotleng banna ba ntse ba ngunanguna) 
MoRwesi: Nnyaya ngwanaka! Kgodumodumo ke phologolo e tona go gaisa diphologolo tsotlhe mo lefatsheng. E a boitshega. E na le leleme le letelele, e go metsa fela e ntse e le kgakala le wena. 
MaBinagotsholwa: (Ka bosilo) Mphe lerumo leo kwano ke ye go bolaya selo se! 
kgoMotso: Tsotlhe tseo mma, ke ne ke di tsaya jaaka metlotlo e e se nang bokao bope. 
RantleRu: Hm! Go a nthatafalela. Fa nka be ke sa go thusa go roba lebati nka be ke re o mmolai. Nka be ke dumela mo dipokong ke ne ke tla re setopo se ke sepoko se, kgotsa ke sa motho yo o bolailweng ke sepoko. Jaanong, mme gone ke batla gore fa ke bitsa mapodisi a mangwe, ke bo ke itse gore o amega go le kana kang. O tlile go tshwannwa ke go nthusa. Fa go ka pala, ba tlile go tswala ntlo eno, wena ba go tswalela mo kgolegong go fitlha re tshwara mmelaelwa yo o botoka. Tlhola gore a ditshipi tsa mafesetere ga di na fa motho a ka sutlhang teng. (Bosalala o dira jalo a ntse a sisa pelo. Rantleru o dira modumo ka kwa dikamoreng tse dingwe. Mabati le difenitšhara di a suta, di a thulana) 
Modise: E seng jalo mama. Nna ga ke batle go tsamaya. 
seleBaleng: (O wetsa setshego) Ijo! Re a sôkôla tlhe... 
feke: Kana seo ga se bothata. Ke malepa a a ipatlelang tlhaloganyo fela. (O a botla) Tlhaloganyo e tshesane fela le gone. (Ba mo felelwa ke pelo) Ka re go batlega tlhaloganyonyana, e tshesane. A le phuruphuditse gotlhe mo ntlong? 
nakedi: (Ka go kgalemela) Rre o tla go fafadia mokwatla o ka moretlwa ga a rate re dira metlae ka monnamogolo. 
2.1. KHUTSEPE 
Dipotso tsa diterama tsa radio Baithuti ba ithute go buisa dipotso ka botlalo, ba etse tlhoko: 
ntlhake: A fa nka le tseela naane le ka se tlhole le ntshosa... 
seleBaleng: E le gore o busitswe ke eng kwa a neng a ile teng? 
Ditiragalo tse dingwe. 
kgoMotso: (O a sunasunetsa) Ke raya gore botshelo jwa me mma, bo nna bo ntse bo nonwa ke keledi ya kutlobotlhoko letsatsi lengwe le lengwe. 
tau: Ao! Ausi Moratwe, o lerwe ke eng fano? 
Motswedi: Se tshwenyege, o na le nna, nna Motswedi morwa Phalane. Motswedi wa menate le botshelo jwa namatshego. 
d. Mosimane wa sankatane = Badimo 
Bosalala: Morwaarra tlhe ke a kopa. Le se ka la ba la ntshwara le ise le tlhomamise gore phetlhi e tsene kae. Le se ka la bo la itsapa go sedisisa motlhala wa mmolai. 
2.1 Go lwelwa masimo 
lepodisi: Heela... ka re Phofu o pitikologile ka koloi kwa “man”...! 
Boipelo: (Ka go bitsa) Motswedi! Ba tsamaile. 
Bosalala: Mosadi o raya ofe? Ga ke re o a itse gore Nnuku o ngadile o tsamaile! 
1.3 Ke gore mmui ga a bone Nnuku ka sepe o a mo nyatsa 
(Morago ga kgetsi e sena go atlholwa re kopana gape le Boipelo mo kgolegelong) 
Bosalala: Nnyaya. Fa o belaela re ka ya go le leka. (Ba ya kwa go lona. Ba a le kgotlhokgotsa) Mabati ano ka bobedi a ne a lotletswe ka fa gare. O paki ya me. 
phofu: O ka ba wa botsa gape... (O konyakonya mo lebating) 
lepodisi: (O a mo garumela) Ka re tlisa dinotlolo tseo! 
ntlhake: Ke fodile, a re yeng go gama basimane. Le latlheng go tlhola le tshameka ka nna eh... Bokhutlo 
feke: Bolao jo bo fa pele ga lona jo jona? (Ba a didimala) Bo okomeleng. 
Mokgadi: Se bue jalo Ranko. Motho yole ke ngwana, o batla tlhokomelo ya rona thata. Re se dire jalo. A Beibele ga e re se duele bosula ka bosula? Ruri Modimo a ka re otlhaya fa re ka leofa go le kalo. 
kediBone: (Ka go hemela le ka letshogo) Rre... rremogolo Mabinagotsholwa... 
1.1 Ke mang yo o folosiwang? (2) 
Boipelo: (Ka makgakga) Nna ke tshelela mo sešweng mma. Go apara bontsho le go itima botshelo, ke dilo tsa bagolo tseo. 
ntlhake: O bua nnete... ‘mara’ o raya gore ke sa ntse ke tla gola go feta fa? Ke a belaela... 
Mokgadi: (Ka go hutsafala) Ngwanaka o tla itshola. Ruri o dira boleo ba batho ba sa tlhabologa. Beibele ya re tlotla batsadi gore malatsi a gago a oketsege. Fa o sa re tlotle, o ka se nne le masego. Ruri ngwanaka fa o re fularela o nagana eng? 
Boipelo: (Ka go amogela) Go siame fa o bua jalo. Ke batla fa go nna jalo. O itse sentle fa ke go rata. Ke go rata ka pelo ya me yotlhe gonne o itse fa ke le mosadi. O gaisa sematla se go tweng ke Ramarumo. Ena o tshwantshanya mosadi le bodiba. 
• Mareo a a botsang jaaka: Bolela, tlhalosa, sekaseka, tshwaela, thadisa, neela le ranola. (Morutabana o tlhoka go suga baithuti ka botlalo mo tirisong ya mareo a, gore ba se tlalelwe fa ba a bona kwa tlhatlhobong ya makgaolakgang.) 
sankatane: (Ka lenyatso) Le siame mma ke batla lone leleme leo ke tle ke le kgaole sentle! 
(Dintlha dingwe le dingwe di le sometlhano go tswa mo go tse di latelang tse) 
seako: (Ka go tenega) Go riana, le wena o setse o tlhatlhamolotse o tsamaya? 
seako: Gape le nna ke tsoga ke dira tumelano nae ya gore a ntemele tshimo. 
Ba tla nkitse Ka E.S. Lekalakala 
ntlhake: E huhumele monna Tshepo... huhumela... 
1.14. O ne a bipiwa molomo gore a se rothise mmutla madi. 
kedisaletse: Tsaya lerumo wena rremogolo Mabinagotsholwa, bontsha selo se sa kgosi gore wena ga o boboi. (Go utlwala selelo sa monnamogolo fa Kgodumodumo a mo ja a mo feleletsa) 
• Ga a itirele molemo fa a tswa mo ntlong ya gagwe. 
tshepo: Maitshwarelo rremogolo... 
Modise: Ntate. 
3.3. Boipelo le mogatse ba ne ba nna kwa kae? (2) 
Bosalala: Feke! O a itse letagwa le le tla lala le ntenne le. Feke! O batlang fa? Tsamaya o tlile go re tlhakatlhakanyetsa. 
MaBinagotsholwa: (Ka letshogo) Ke modumo wa eng o mokanakana o, a mme ke nna mmonadilo? E rile maloba fa ke boa kwa sekereng ka fitlhela mosadi wa me le morwadiake Seipati ba bolailwe go twe ke bone ba ba bolaileng Senanapo morwadia kgosi. Gompieno jaana setlogolwana sa me Setlhabi o bolailwe ke Ramathata. (O simolola go lela) A ke gore ga ke a tshwanela go tswa mo motseng ono ruri? (Go tlhaga Kedibone le Kedisaletse ba siana) 
lepodisi: (Go konyakonya motho mo lebating) Koko...! 
lepodisi: Hm... ! go thata. 
MMalaBadi: (Ka boikgantsho) Seako o botlhale, e bile o rata dilo tsa tlhamalalo. 
Modise: Ke... ke... 
MMakgoMotso: Bathong! 
MoRwesi: (O utlwa Sankatane a lela. O tlhaga a sianela Sankatane) Sankatane! Sankatane o lelela eng? A Kgodumodumo e go tshwere? Ijoo... ngwanake o kae? Sankatane! Naare mosimane yo o ile kae? Fa ke mo reetse ka re a se ke a sala a tsamaya jaana o ile kae... ! (Kgodumodumo e utlwa selelo sa ga Morwesi, e simolola go bokolela) Ijoo... utlwa fela jaaka Kgodumodumo e gaketse! Sankatane! 
phika: O a utlwa! O a utlwa! Ke tse ke di ganang tse! 
seako: MmaModise. 
Monna: Ba ba fudugang ba, ba laetswe ke Killer go dira jalo. O rile ga a sa rata go ba bona fa morago ga ura ya bongwe. 
• Kgosi e ne ya ikuela go basadi gore ba thuse ka le bona ba e tshwarang ka fa bogaleng. 
feke: Ee. A re batleng motlhala wa lerole le dipholetšhe mo go Nnuku. Lebelelang mosese wa gagwe, le mangole le menwana. Ke ena a neng a le ka fa tlase ga bolao jo. (Nnuku le Bosalala ba a lela) O tsene mo ntlong, a fitlhela Mmemme. E rile a sena go mmolaya a palelwa ke go tswa. Go fitlhela a bulelwa ke dikopa tse. 
• Boipelo o bolelela Motswedi dikgang tse di mafaratlhatlha. 
ntlhake: Kana e bile Nakedi ke mo jele ping ka dinala, ka ba ka mo fala maragonyana a ka setlhong... 
seleBaleng: Mosetsana 
ntlhake: Ntlhang o ka re e kgolo? Mh... e kgolo... 
phofu: O tlhodia le leseanyana la rona le le tla gorogang gautshwane. Ga ke itse gore ka o dule fa o rwele thoto o re o ya kwa gaeno gore o busitswe ke eng? Ga ke itse. 
MMakgoMotso: Ke gopola mafoko a ga malomaago fa a ne a go botsa gore bo tla sa jang, o bo o retelelwa ke go mo araba... 
tshepo: Rremogolo o nkolopelang ka boloko? Phrr... phrr... 
Monna: Nnyaya. Se lele tlhe. Mogatso o botlhale, e bile re na le tumelo ya gore o ile go fenya. 
kgoMotso: (O a sunasunetsa) Mma, ke ne ke sa gopola gore nyalo e botlhoko jaana... 
MoRatwe: (Ka mafega) Nnyaya basadi, nna ga ke wa leloko leo. 
(Go utlwala jaaka a mo tshelela) 
• A e tshwara ka mogatla a o goga, a e tlhanola. 
kgoMotso: Dikgang le dikgobo ke nna fela. 
thipe: (O a tlhaga) Nakedi, Tshepo, le a bo le dirileng? 
(Go maitsiboa, go tlhaga sejanaga mme sa ema. Tau o tswa mo go sone mme o ya go kokota mo lebating) 
seleBaleng: (O a gakala) Hee batho! A Kgomotso ke ene a go rometseng kwano? Dinotlolo tse ke di neetswe ke Phofu tse... 
tau: Molato ga o teng ausi. A nka go thusa? 
Go khuma matlalo: Go tlosa matlalo mo mmeleng. 
nakedi: Rremogolo, fopholetsa gore go eng ka mo sephuthelwaneng se... 
• Boipelo o dira meletlo e mo go yona go tlang bahumi. 
tshepo: (Ka go tenega) Ke ya go bolelela ntate... 
1.6 Come on. 
ntlhake: Ke bona molomo wa gago o o fa tlase o ntse o binabina. O ka re o tla bua sengwe se se maswe. 
(Go phakela, kwa sakeng go a gamiwa, go utlwala dikgomo le dinamane) 
(Senyetse se a lela) 
RantleRu: O mmiletsang o bona gore o sule? Ke go boleletse gore sengwe se teng mo ntlong. 
MoRatwe: (Ka go tenega) Ga se mokgwa wa nnete oo. Nna ga ke o bee sebete. Wena Moswinini o wetsa Boipelo go dira ditiro tse di sa tleng ka tsela. Motho yo ga se kgale a tlhokafaletswe ka tsela. O sa ntse a le mo bontshong. A ga o elelelwe fa o dira boleo? 
1.5 Lefoko “Khamaan” le tswa mo puong efe? (2) 
kgoMotso: A mme o raya gore ke tla kgona go itshokela masula ao mma le fa go twe ke dilo tse di fitlhelwang mo botshelong tota? 
Boipelo: (O bua a tenegile) Puo ya lona ga e monate batsadi ba me. Dilo tse lona lo dumelang mo go tsona nna di a mpalela. Ke tsa motho a goletse mo taolong ya badimo ba ba sa direng ba. 
f. Poloto Tatelano ya ditiragalo di na le mabaka a a di tlholang e bidiwa poloto. Poloto ya terama e tsamaya ka dikgato. Poloto e kaya tlhatlhamano ya ditiragalo di na le mabaka a a di tlholang. Ka mantswe a mangwe go lebelelwa gore ditiragalo di phuthologile jang, mme tsa lepololwa jang, go ikaegile ka mabaka a a dumeselesegang, a a letlang gore ditiragalo tse di ka diragala jalo, mme a kgodisa. 
5. Memorantamo ...........................125 
MoRatwe: Re tsogile sajene. Nna ke raya lona? 
tshepo/nakedi: (Ba araba mmogo) Re ka se ka rremogolo... Le e seng, re a go solofetsa. 
Motswedi: Bona Boipelo, ke a go rata, mme nka se kgone go go nyala. Fa ke go nyala, o latlhegelwa ke tsotlhe. Re kganelwa go nyalana ke motho yo o ileng badimong. A seo ke nnete? 
seako: (O a gakgamala) Terata ya tshimo ya me! 
tshepo: (Ka letshogo) Rremogolo, rremogolo, ga go sepe ke a tshameka. 
lepodisi: Ke ne ke batla Selebaleng kgaitsadiaka. 
tshepo: O ne o le senatla he! 
phika: (O galefile) Fa o le mokima jaana, o tsile go tlhalefa leng? Bona ditsebe tsa gago di tshologa mafura. 
MMalaBadi: (Ka go gopola) O nagana gore ke sematla. Tshimo ya me e mo ntshe lebotsane, mme nna ke tlhoke dimpa. Phika o tla nkitse sentle gompieno. 
Boipelo: Dumela ntata, dumela mma. Lo tsoga jang?
RakgoMotso: Bua o tswa Kgomotso! O rata gore nna ke reye batho ke reng? Eya gae! 
MMakgoMotso: (O a tsitsibana) M... m... m... e le gore o imile ngwana yoo le mang? 
MoRatwe: Nna ke tla phoka kofi. 
• Boipelo o a tshwarwa. 
MoRwesi: Ngwanaka! Diruiwa tsa batho di ne di tlhatlhelwa mo masakeng ano. Go ne go le dikgomo le dipodi, mme le tsone di jelwe ke Kgodumodumo. 
tshepo: (O tshosa Ntlhake) O se ke wa tsenya mabogo mo dikgwatlheng rremogolo go na le letlametlo ka mo gare... 
RakgoMotso: A ko o iketle wena ga ke bue le wena... ao! 
seako: Fa e ka bo e se wena ka go tlhakantsha masimo, dikopano tseo di ka bo di se yo. 
tau: Rre Mathule, go fitlha gompieno, ga re ise re baane le bopaki. Se re nang le sona ke dipelaelo fela. Ke ne ke ntse ke re ke tla go romela tshwetso ya rona ka kgetse e. 
seako: Bo tla sa. Ka gongwe re tla tsoga re utlwa sentlentle gore go diregile eng. 
 
seako: Raditerekere o go kgatlhile ka eng? 
MMakgoMotso: (Ka kutlwelobotlhoko) Se rialo tlhe Kgomotso ngwanaka... 
3.6.2. Motswedi: Ke leferefere le le ratang go kotula fa le sa jalang gone. O bosula, o setlhogo e bile o megagaru ka a fedisa botshelo jwa motho a sa mo rekegele. 
MMegi: Kgodumodumo e ne ya fetsa batho ga mmogo le diruiwa tsa bone tsotlhe mme ga sala mosadi go twe Morwesi. Morwesi o ne a iphitlhile ka mo khuting. O ne a itibola ka ngwana wa mosimane yo a neng a mo taya leina la Sankatane. 
MMakgoMotso: (Ka kutlobotlhoko) Hm! ga ke itse gore ke a bo ke tla go gomotsa ka go reng fa rraago e le motho yo o tlhogo e thata jaana ruri. 
Boipelo: (O a tswa) Sala sentle rre Mathule. (O tswa ka lebati) 
seako: ... Buisane pila, he! Tshwara thobane mo gare ga tlhogo. 
(Go phakela) 
feke: Jaanong ke a itewa? Ke eng lona lo sa nkarabe fa ke re lo rileng Mmemme? 
kgoMotso: Hae... ! Ruri... 
2.7 Fa a ka tlhola a mo utlwa a bua ka tshimo ya gagwe. 
(Go utlwala phefo e kgolo. Go simolola go na pula. Dikga­dima di ntse di tladimola) 
3.2 BO TLA SA JANG? MOSESE, MOSESE, MANGOLE LE MENWANA. Diterama tse pedi tse di batlile di tshwana. Bolela morero wa tsona, o bo o kwale dintlha di le supa tse diterama tse di tsamaelanang ka tsona. = 20 
Motswedi: Ga go sa na le molemo le mosola wa gore re nne mmogo. 
seako: (O nyemile moko) Ruri tsala ya me e gobetse. A o setse o biditse emelense? 
ntlhake: Ba ntshositse ka yone. Ke utlwile moriri wa me o sosobana, ka re gompieno gona ke se bone sepoko... fa ke leba ka fa morago ga lerako le, ke bona melomo e pekenya ditlhase... dipoko mo go feleletseng... 
kgoMotso: Ee mma. 
• Ke ka tshwarisa monna gore molao o mo latlhise tshotlako e a e dirang. 
Ya bobedi: “Bo tla sa jang?” : Motho ga a ke a itse gore o tla diragalelwa ke eng mo letsatsing le le latelang. 
• Mathata a gagwe e ne e le gore monna ,Phofu o tsentse mosetsana mo ntlong. 
-Ka go buisa ka kelotlhoko bayokerafi ya mokwadi, baithuti ba tla tlhaloganya ditlhangwa tsa gagwe botoka. 
lepodisi: Ke tsile go tsaya dinotlolo mma. 
• Tsa ga Bosalala tsone di itsiwe ke Feke 
seako: Go jalo tsala. 
MMakgoMotso: Mmaagwe Kgomotso phofu: Monna yo o se nang boikarabelo 
ntlhake: Ke a ba rapelela. Ba itshwarele Thips. Kana e bile ga ke a ngatega... 
Modise: Ntate o tla nthekela eng? Gape ke ne ke betsaka dikgomo, e nngwe ya bo ya nthaga. 
2. Thaologo: Ditiragalo di a simolola. Di tsoswa ke dikgakololo tsa moemanokeng. 
2. Bayokerafi ya ga morulaganyi 
tau: (O ya teng) Dumela koko. 
seako: Se se nthobang le marapo go feta, ke boramasimo ba bangwe ba ba robedi. 
nakedi: Tshepo, o se ka wa tlhola o tshameka ka rremogolo jalo, go kotsi... 
Modise: Nnyaya, mama. (O bua ka pelo e e botlhoko) Ga ke re o tseela batho masimo, e bile o setse a batla le ya gaetsho. 
seako: (O hemela kwa godimo) Ga ke gane gore madi a a tlhokega, fela e seng matlakala a a tswang mo molomong o o nkgang oo wa gago... 
kgoMotso: (Le ene o a seba) Hm! Mo letle a tsene mma... 
RaditeRekeRe: O kae morena Phika? (Ga a arabe) Tlhang o ka re o tlhoka lethabo? 
1.10. Nnuku o ntse a mo kgoreletsa go kopana ka tokologo le Mmemme. 
• O sebete tota. O tsena mo ntlong e na le mosadi, e bile o a laola, o tsaya dinotlele tsa ntlo. 
kgoMotso: Hm! Ke tshaba botshelo ruri. 
Boipelo: (Ka lenyatso) Batsadi ba ba tlholelang bana ba bona, o ba bitsa batsadi? Nnyaya, ga ba nthate. 
Monna: (O a tshega) Nna ke ne ke ntse ke itse gore o ile go ba fenya. Gape Seako ke matlholaadibona. 
Sk. Bogagapa bo bolaya mong wa bona. Re bona Phika le Killer ba swa ka ntlha ya bogagapa le lenyatso la bona. 
Mogapatiro/molwantshiwa: Modiragatsimogolo yo o ngongoregang 
tsamaisiwa ke eng masigo jaana monna? 
feke: Mme... (O a botla. O itewa ke kgodisa) 
nakedi: E seng ka setlhong rremogolo ke a go rapela... ijo... 
MMakgoMotso: A Phofu o go kobile ngwanaka? 
(Go maitsiboa kwa motseng go tlhaga, sejanaga, se a ema) 
tau: Tsena... ! Ao! Rre Mathule, ke wena mothaka yo? 
Ranko: Mokgadi mogatsaka, Boipelo o tshwenngwa ke madi. Ditsala tsa gagwe tse di mo farafereng tse le tsona ga se batho ba sepe. 
• Phofu o na le nyatsi 
Mathule: Ee. Ke e. (Go utlwala matlhare) 
kgoMotso: Ga se sebaka thata ke tsile, ke... 
kgaogane mma? 
kgoMotso: Mma tlhe, o leke go mo tlhalosetsa sentle tlhe. 
ntlhake: Le latlhele mo kgetsaneng eo re tlhatlogeleng kwa thoko ga thaba kwa... 
phika: (O gakgametse) O sa re ngwaga. Tlhang rona boPhika le balemi ba bangwe ga re a tlhola re re ka mmamoso. Kana tšhelete e a tlhokega mo matshelong a rona. 
Boipelo: (Ka go makala) Ke mang yo o tlang a kgweeditse ka tshoganyetso jaana? Nta ke tlhole ka letlhabaphefo. (Ka go tshoga) Lepodisi! Le batla eng fa? 
Modise: Le nna ga nkitla ke go swabisa rra. 
Bosalala: (O a lela) Ijoo, Mmemme! Mmemmewee! 
• Rraagwe ene o tlhapile diatla. 
RantleRu: A tsene kae? 
1.3 O akanya gore goreng RraKgomotso a tsibogetse tiragalo e jalo? (3) 
(Sankatane o lootsa lerumo la gagwe. Morwesi o robetse) 
nakedi/tshepo: (Ba tloga ba siana) Re tla siana rremogolo, o re lete... 
ntlhake: (Ka go tenega) Ga ke le tseele naane, le ntenne maabane. Fa ke leba lefifi le o ka re go tla tlhagelela sepoko. E bile nka bo ke sa le fa kgaka gore lo e bese... 
3.8 O ne a na le pelaelo ya gore mogatse o tla mo isa ga maotwana hunyela. A ka tswe a ne a itse fa go le ntšwa nngwe e e mo nwelang mae. 
Ranko: Ee...tlaya kwano...(O a tsena) Nna fatshe mogatsaka. 
phika: (O tenegile) Ka mafoko a mangwe, o rata go nthaya o re ke leferefere? 
MMakgoMotso: O sale a tswa fa a re o ya mabentleleng. 
 
  
Modise: Ke ntate Phika. 
tshepo: Itekanye rremogolo... 
ntlhake: Fa re simolola go rua fa le rraalonamogolo, rraalona e sa ntse e le mosimanyana jaaka lona jaana, sekgwa se se ne se tletse ka ditau. 
Terama ya radio ke nngwe ya makala a diterama a a leng teng e leng ya kgaolonngwe, ya serala, ya thelebišene le ya mmuaesi, mme diponagalo tsa yona di batla di tshwana le tsa makala a mangwe. 
5.2Dikarabo tse dikhutshwane ..............129 
3.6.3 Mathule: Ke moemedi wa nnete .O a ikanyega e bile 
kgoMotso: (O ntse a lela) Ruri mma, ke bua jaana mosetsana yoo a le mo mmeleng. 
feke: Borra, ke lona ba e seng matagwa, mmolai wa lona o dule fa go tseneng nna Feke teng. 
Lemorago: Maitshetlego/tikologo le nako ya ditiragalo. 
3.10 Go mo kgalema. 
MoRwesi: (Ka letshogo) Sankatane! A o ntse o le mo khuting? (Tidimalo) Fa go didimetse jaana mosimane yo o a bo a ile kae fa Kgodumodumo e gaketse jaana. Sankatane! Ijoo... ngwanake ke yole o lata Kgodumo­dumo! (Ka go bitsa) Hee bowa koo! Sankatane bowa koo e tla go bolaya! (O a lela) 
phofu: O raya ka... 
RakgoMotso: (O a galefa) Kgomotso; ke go botsa jaana ke go bona gore o fano... ga ke ise nke ke go botse gore o fa kae... ke go boditse gore o tsile leng. 
Boipelo: (Ka go tshega) Tlogela go ipoka ka o no o hunyeditse mogatla e kete o ntšwa. Ke gona o phuthologang jaanong. (Ba tshega mmogo) (Go maitsiboa kwa motseng) 
Bosalala: Le lona le berebetswe ka fa gare. 
kgoMotso: (O a sunasunetsa) 
Ranko: Ngwana yole o ntsholotse jaaka metsi a fetsa go tlhatswa dijana tsa moletlo wa lenyalo. Nna ke sa tswa ke ya ka fa ga Ngwako. (O a tswa) 
phofu: (Le ene o a tshega) O rata re ka tloga leng selonyana se sentle? 
kedisaletse: (Ka bosilo) Ga re mo reetse sepe, ga re tlhole re mmatla. Rona mono Phokeng re na le kgosi e le nngwe fela. Ke mosimane wa Sankatane. 
seako: (O gakgametse) ... Tlhakantsha masimo! 
nakedi: Monna, ntlhang mme go a tshikinyega mo kgetsaneng e? 
MoRwesi: (Ka selelo se segolo) Ijoo... Kgodumodumo e meditse ngwanake! Ke tla dira eng? E seng le nna ke ye kwa go yone e mpe e mpolaye ga mmogo le ngwanake? Nte ke siane ka bonako e sa ntse e galefile jaana gore e mpe e mpolaye mmogo le ngwanake. (O sianela kwa go Kgodumodumo) 
RakgoMotso: (O galefile) Hei mosetsana! O a re... o a re go a reng? 
• O bolelela Tau, radiinšorense. 
Boipelo: (Ka boikgantsho) Go siame tsamaya. 
phofu: Seo ga se bothata tlhe selonyana se sentle. Kana o lebetse gore madi a bula dikgoro tsotlhe? 
RantleRu: Ee, ramatlhale. 
tshepo: (O letsa molodi) Hokai... ho, ho... (Tshepo o a e gama, morago ga sebaka e raga kgamelo, Ntlhake o a tshega) 
MMegi: Lentswe le, le ne le goa ka mokgwa o bosigo botlhe. 
RakgoMotso: Ao! O tla leng Kgomotso? 
Motswedi: Batho ba tla re leba ka matlho a mahibidu. Go botoka o rekise ntlo e, re tla ya go nna kwa Mabopane kgotsa kwa Tlhabane. Re ka nna ra ya go nna kwa Mafikeng. Fa re le koo, ga go ope yo o ka re tshwenyang. 
(Go maitiso, go utlwala medumo ya maitseboa. Mongwe o a konyakonya) 
Boipelo: (Ka go gomotsa) Nnyaya, Motswedi mokapelo, re ka se palelwe. Leano la rona ke le le popota thata. Ga ke tshepe go na le motho yo o tla belaelang fa Ramarumo a sena go tlhokafala. Ke setse ke go kaetse gore Ramarumo o kgweetsa e kete o tebetswe ke loso. Le gona o a nwa. O itse sentle gore o nwa bojalwa boemong jwa mogodungwana. 
Potso 2. 
RakgoMotso: Bona fa Mmakgomotso, ga ke na mafoko ape le wena. A re mmogo? 
feke: Ke tswa kwa etsho. Ao, o Rantleru? Dumela rre lepodisi. Go rileng fa go riana. A lo ne lo dikile Mmemme mantšwa ke lona? 
2.5 O botlhale. O rata dilo tsa tlhamalalo. 
1.8 O ne a itlhaganetse go ya kae fa a tla tlhokafala? (3) 
DITHUTEGO 
ntlhake: (Ka letshogo) Ijoo ke tlhasetswe ke... ke..... Thusang ke... ke a ngatega. (Basimane ba tshega monate) 
Mathule: Go fela jalo. Le gale dintlha tsa yona ga di farologane kgakala le tsa pele. 
tshepo: Rremogolo... Rremogolo... 
MMaseako: Ke go reeditse rraabo. 
3.4 Ka bohumi/madi a a tla bong a tshela ka ona le go pepentsha botshelo jwa motho a humile le dinala. 
lentswe: Lona batho ba Phokeng, ga mmogo le kgosi ya lona lo galefisitse badimo ka go sa ba lebogele mabele a mantsi a lo a robileng. Badimo ba tlile go roma Kgodumodumo go tla go le feleletsa ga mmogo le diruiwa tsa lona. 
Bosalala: Ke tlile go raya batho ke reng wee! 
phika: Owaii! O ntlhomola pelo. Moeteledipelenyana yole wa lona Seako, o tsile go le wetsa ka lengope. 
(Go maitsiboa kwa motseng) 
3.6 Moipolai yo o sa lelelweng ka EK Lebethe 95 
Mathule: (Ka kutlobotlhoko) Boipelo kgaitsadiaka, ke maswabi fa o tlhokafaletswe ke monna. Amogela matshediso a ga Mathule. 
Moswinini: Tsala, nta le nna ke tsamae. Letsatsi le setse le wela. Ke tlaa tla ke tlhola le wena ka moso. Sala o ikakanya ka moletlo. 
feke: Motho wa lona fa a tloga o tlhapelelwa mo botagweng jwa me. Ke mang a rileng nka se ka ka thusa? Kgotsa ke ka lona le tsere ura yotlhe le dikologa setopo le sa tswe tema? 
seako: (O hutsafetse) Ke bua eng le bona mmaago Modise? Kana ga ba sa rata go buisana le nna. Ba tlhatlhamolotse matlo, ba iketse. 
2.5 Bolela dintlha di le pedi (2) tsa semelo sa ga Seako jaaka a buiwa ke Mmalabadi. (4) 
nakedi: (O fetola kgaka) Rremogolo, o re solofeditse gore o tlile go re tseela naane maitseboeng ano... 
ntlhake: (Ka letshogo) O a aka, ga o sepoko o motho... (Basimane ba simolola go tshega) ... Bosegataborukgwanyana ke lona... Tshepo, Nakedi... le ne le tla reng fa nka bo ke ngategile? 
(Go bosigo, monnamogolo Ntlhake o tlhaga a gogagoga maoto mme le gape o tsamaya a opelela kwa tlase. Basimane ba babedi Tshepo le Nakedi ba iphitlhile fa morago ga setlhare ka maikaelelo a go tshosa Khutsepe) 
Bosalala: Ke... ke... o ne a nketetse. 
Batho: (Ba a goa) Mosimane wa Sankatane o re thusitse! Ke ene kgosi ya rona. A re mo direng kgosi! Sankatane! Gola phoka! 
a. Morero/thitokgang Morero/thitokgang ke modi wa kgang ya terama. Ke ona kgotlhang ya terama e melang mo go yona. 
phofu: Fa o le montle o ka tsena! 
kgoMotso: (O ntse a rata go lela) Di bue ka fa o kgonang ka teng Phofu... 
Motswedi: (Ka go makala) O a re o fetotse tshupaboswa ya kabo ya boswa? 
MMakgoMotso: O a bo o weletseng mo ‘tlhareng sa mokgalo ruri! A jaanong o go kobile Kgomotso ngwanaka? 
• Phofu le Kgomotso ke banyalani 
Mathule: Ke ne ke batla go itse gore lo tla go le go kae ka kgetse ya Ramarumo. Re tshwanetse ra duela fa e le gore bomenemene ga bo teng mo losong lwa gagwe. 
nakedi: Tshepo a re o a mo tshosa rremogolo... 
Mathule: Le nna ke na le pelaelo. Morago ga loso, ke fa segataborukgwana se go tweng Motswedi se simolola go tshamekela kwa ga Ramarumo. Gompieno jaana ke naletsana. O apara diaparo tsa go tura, mme ga a dire. 
RantleRu: (O mo swaya ka tlelapa) Heei, ga ke tshameke golo fa! Ka re o butsoga kae? O ntse o iphitlhile mo ntlong? Nkarabe, o tlogele go tlatsa matlho le naga. 
 
lepodisi: Ene Phofu yo o go imeditseng dinotlolo yoo. 
Monna, fologa o tsamae. Ke se tlhole ke go bona. (O thubaganya lebati la koloi, o a e dumisa, o a tsamaya. O bua a le esi). Nnuku, Nnuku! Nnuku e ne e le sssoomamang! Rona re itse boMmemme. Ga ke bolo go fepa motho ka bojalwa ke mo reka gore a fitlhe diphiri tsa me. O ile Nnuku. Ke nna le Mmemme fela. (O emisa koloi) Ooyi, naare o setse a timile lebone le ena Mmemme bathong? O robetse ngwanyana wa me yo ke sa bolong go mo lomelediwa ke Nnuku. O emetse gore Salaboy a feta a re ko-ko-ko! gararo mo lebating, a be a bula.(O kokota gararo mo lebating a be a leta sebakanyana. A be a ipoeletsa gape. O buela kwa tlase ka go fela pelo) Khamaan! Bula ka pele ke ise ke bonwe ke matlho a a fa a a ratang dilo a! Naare 
tshepo: Thupa ga e bolaye monna... 
1. Tshimologo/Thaego: Mogapatiro o bega bothata ba gagwe. O itela mo go moemanokeng wa gagwe. 
phofu: Re tla lesa fela e a leng mo go yone e. 
thipe: (Ka go rapela) A e ne modiga Mokwena. Nna ke ne ke dira se e leng tshwanelo ya me, gore fa o fitlha mo dingwageng tse ke go fe phenšene. O ye go ja mofufutso wa phatla ya gago kwa gae. Ke ne ke ithaya ke re ke go direla molemo. 
kgosi: (Ka kgakgamalo) E ka ba ruri se se diragalang mo motseng wa me ke eng? 
ntlhake: Molemo o o ka ntirelang ona o mongwe fela. Ke go re fa ke swa, mmele wa me o jewe ke diboko tsa moraka o. Ga ke ye gope. 
1.1 Feke 
D.M.G. Sekeleko ......................... x 
seleBaleng: (O a tshegatshega) Hae! Re tla tloga nako mang go ya hoteleng daddy? 
Ditlhogo tsa diterama tse ka go farologana di tsamaisana sentle le ditiragalo tsa tsona, e bile tse dingwe di senola melaetsa ya bakwadi. 
MMakgoMotso: O ne a go kaela fa malatsi a mangwe a tlhaba ka bonolo le bolelo jo bo itekanetseng. 
sankatane: (Ka selelo) Mma! 
2.2 O lenyatso. O bua dilo tsa batho ka go di nyenyefatsa. 
seleBaleng: (Ka bonako le letshogo) Phofu ofe! 
Tomagano: Thulaganyetso ya sengwe, mabapi le gore se tla dirwa jang. 
4. Dipotso go tswa Diterameng tsa Radio . . . . . . . . . 119 
kgoMotso: (Ka kakanyo e e tebileng) Hh... ! Ke a bo ke ya go latsa kae tlhogo fa bosigo bo setse bo tsena jaana tota? Ke raya fa diphaposi tsotlhe di lotletswe jaana? Le tlala e nkabolotse. E kete go sejanaga se se emang fa ntle fa... ka re ke tshaba le go okomela ruri, gongwe ke bone. 
tau: Tlaa re tsene ka fa kantorong ya me. O tla tshwanelwa ke go mpolelela tsotlhe tse o di itseng ka ga kgetse e, o se ka wa fitlha sepe. 
seako: Le bona ba file Phika ditshimo tsa bona. 
Motswedi: (O sa ntse a tshwenyegile) Le fa go le jalo, re tshwanetse go itota. Ga go ope yo o tshwanetseng go itse ka se re se dirileng. Fa magogwe a ka belaela lomepe, o itse re tla wela ka lemena le re le ikepetseng. 
• Selekanyo sa karabo. 
Batho: Didimalang lo reetse mmakgosi ya rona, mmaagwe Sankatane o a bua Bafokeng. Bua mohumagadi! 
feke: Ga ke ye gope. Ke lemogile gore le nnetse go ija dinala, le palelwa ke go akanya. Fa le ka bo le ipoditse dipotso tsa botlhokwa, le ka bo le feditse. 
tau: (O a kokota) A go na le motho gona fa? 
-Fa ba buisitse, ba tlhalogantse ke gona ba ka tsenang mo tshekatshekong ba dirisa ditheo tsa tshekatsheko ya terama, bogolosegolo ya radio, e e kwaletsweng go reediwa mme e phophoma medumotlaleletso mo dikaelong tsa bakwadi. 
tshepo: Bula Nakedi rremogolo a bone... 
thipe: (O tlhaga a taboga) Rremogolo Ntlhake, o fa kae? 
Lokwalotshelo/bayokerafi: Hisetori ya botshelo jwa motho go tswa tsalong go ya losong, le fa a sa ntse a tshela. 
tau: Ke a go utlwa. 
3. Diteng tsa setlhangwa – Molatswana wa gaetsho . . xiii 
3.2 Ba ka belaela gore go rerwa sengwe se se bosula. 
ntlhake: Kgang ya gago ya maabane... 
lepodisi: O tshwanetse go busa dinotlolo tseo mogatsa Phofu a ye go dira dithulaganyo tsa phitlho ya ga Phofu. 
Modise: (Ka boitumelo) Nna ke ya go dira jaaka ntate a ntaela. 
Batho: Didimala wena, o ntse o re Bafokeng! 
seako: (Ka khutsafalo) Mo go nna e ka re ke ditoro. Ke ile go tsaya lobaka lwa ngwaga ke inagana. 
MMaseako: O sa ile kwa lesakeng. Gona o tshositswe ke eng? Nkitsise gore o mmatlelang. 
ntlhake: (O bua o ka re o tenegile) Ee ke nna, o ne o reng? 
phofu: A ko o lotlele ditswalo tsa diphaposi tsa ntlo tsotlhe re tle re intshe ratu. 
lepodisi: Oo! Itshoke tlhe kgaitsadiaka... 
kgoMotso: Ke gone ke... 
3. Bagologolo ba ne ba dumela gore lebitla la mosadi le kwa bogadi./Ke matlhabisaditlhong gore motho a boe kwa bogadi. 
kgoMotso: Tsena! (Lebati le a bulega le be le tswalega) 
3.1Ba tla nkitse.......................... 1 
phofu: Ka re boa ka thoto eo o tle go nna fa... ga o tsene ka phaposi epe ya me... 
1.4 Mmui o amana jang le Nnuku, gape le Mmemme? (3) 
Mokgadi: Nnyaya, foo o e tshwere rraabo. Ngwana a ka se ka a wela ka lemena re sa ntse re tshela. 
1. MATSENO 
MMalaBadi: (Ka mafega) Nna ga ke dire matlakalanyana ao. Tshimo ya me, ke tshimo ya me. Ga ke e tlhakantshe le ya motho, e bile ke ya go nna ke lema mmopo! 
Mathule: Ramarumo o dirile diphetogo di le mmalwa ka ga kabo ya boswa. Wena o moabelwa yo mogolo. O tla bona madi otlhe a Ramarumo a neng a a beile kwa polokelong. O tla tsaya le ntlo ya gagwe. 
e. Mosese, Mosese, Mangole le Menwana = Lerato 
seleBaleng: A jaanong re sa ntse re ya go iketla kwa hoteleng le go ja teng gompieno? 
• O tshwanetse gore a kgaratlhe a lwele se e leng sa gagwe. 
Boipelo: (O bua a le esi ka pelo e e botlhoko) Ke tla tshwanelwa ke go swa jaaka ke bolaile Ramarumo. Motswedi o atlholetswe dingwaga di le lesome. Nna ke atlholetswe dingwaga di le tharo. Moswinini ena o iphimotse ka rona. Nnyaya, o ne a ntomeletsa. A ka bo a tlhatlhelwa. Ruri ke moipolai. Ke ne ka bolaya Ramarumo. Ga ke a dira tiro ya me ya bosadi, go mmo­ntsha fa ke le mosadi wa gagwe. Modimo, ke moleofi yo mogolo mo lefatsheng. Batsadi ba me intshwareleng. Ke lo foseditse thata. Ramarumo mogatsaka, intshwarele le kwa o leng teng. Mme yo o rategang, a badimo ba robale le wena. Ke go tlositse mo lefatsheng ka bonako. Motswedi, ke ne ke ithaya ke re o a nthata. Ke lemogile ka nako ya tsheko gore o ne o sa nthate. O ne o ikgopolela o le esi. O ne o rata fa molato otlhe o ka wela mo godimo ga me. Moratwe tsala, o tsala ya nnete e le tota. Ke nyaditse dithuto tsa gago. Ke nnete thutonnye e a bolaya. Modimo intshwarele dibe tsa me ke sa le mo lefatsheng. Ke ne ke re ba tla nkitse. Ee, ke nnete, ba nkitsitse ke le mmolai yo o setlhogo. 
RantleRu le 
Boipelo: Tsamaya sentle tsala. Ke tla rulaganya. 
Batho: O buile kgosi! O buile mosimane wa Sankatane. 
nakedi: Itšhuuuuu... o nnota botlhoko rremogolo... nka se tlhole... 
Potso 3 BA TLA NKITSE 
kgoMotso: Ke mosadi yo o sa tswang go nyalwa RakgoMotso: Rraagwe Kgomotso 
MMaseako: (O mo tlhaeletsa ka lentswe) Mogatsaka o itlhokomele! (Ba a tswa) 
phika: (O tenegile thata) Gonne gompieno ke lemolola tshimonyana e ya gago. Raditerekere, simolola tiro ya gago monna. 
(O tsamaya mo mmileng o o gaufi le legae la gagwe, go utlwala batho le dijanaga) 
Boipelo: Ke bo, itlhadie o tle o itse go anya mafoko sekonyana. 
• Ya re Boipelo o tla bona madi otlhe fa fela a ka se nyalwe. 
• Bosalala le ene o na le nyatsi. 
seako: (O tenegile) Ruri gompieno Phika o tla nkitse sentle. (O a hulara) 
Ramarumo o tlhokafetse. Ke tla mo lelela go fitlha kae? 
1.2 BO TLA SA JANG? 
3.10 Maitlhomo a ga Ranko le Mokgadi a go jela morwadiabone nala ke afe? (2) 
ntlhake: (Ka pelo e e botlhoko) Pelo e botlhoko... go setse go neela mowa fela... 
ntlhake: (O nosi, o bua ka pelo e e botlhoko) Ga ke dumele ruri. O ka re ke a lora. Ga ke a ka ka gopola gore letsatsi le le ka tla. A tota ke nnete ke kgaogana le moraka o, Tshepo le Nakedi. (O a sunetsa) Nka itumela fa e ka re ke swa, nama ya me ya jewa ke diboko tsa lefelo le. Botsofe, o setlhogo. (O a lela) A golo fa ke a lela ne? Nte ke tlogele go lela. Botshelo bo kile ba nna monate mo morakeng o, mme jaanong Thipe o batla gore ke boele gae, o tla ka tsona maabane wa maabane fela. Ga nkitla ke mmolelela gore Tshepo le Nakedi ba ntshositse, ke tla itira fa e le pelo ya me ka e le botlhoko go tloga mono... 
• Sa se ke sa leboga badimo mme bona ba galefa. 
kgoMotso: Agee sajene. 
phika: Ga ke dumele gore o sa ntse a ka go thusa. (Ka go gatelela) Dumela nna fela, fa ke re re tshwaragane re jale korong. 
MaBinagotsholwa: (Ka bosilo) Ka re o sekopa sa kgosi fela wena. Dira sengwe re tswe mo motseng o, a o ntse o lebile ka moo Kgodumodumo e fetsang diphologolo tsa rona ka teng? 
1.1 Kgomotso o ne a bewa ke eng kwa gagaabo? (2) 
• Nka ya go begela batsadi ba mosetsana gore o nthubela motse. 
c. Batho ba ba diragatsang ba tsweletsa ditiragalo tsa terama ke badiragatsi. Ga ba anele mme ba diragatsa ka ditiro le mmuisano. Badiragatsi ba terama ba kgaoganngwa ka ditlhopha, e bong; Mogapatiro (molwantshiwa) - Mokganatiro (molwantshi) - Molotlhanyi/Motsenagare (Motlhotlheletsi) Baemanokeng - batlhotlheletsi 
MMalaBadi: Gape ke na le bopaki ba se ke se buang. Phika o nkopile go dira jalo. Kana le nna tshimo ya me, e ka kwa morago ga ya gagwe .... 
phika: Ke kgopolo ya ga kgosi ya me. Ke ne ka tlhajwa botlhale ke tsala nngwe ya me kwa botlhabatsatsi. 
• Boipelo o nwa bojalwa le ditsala. 
Boipelo: (O simolola go ngala) Go reng e kete o a ipelaela? A ga se wena o neng o gana ke re re mo tshelele botlhole... ? 
• Bosalala le Nnuku ke banyalani 
(Dintlha di le some go tswa go tse di latelang: 
Boipelo: (Ka go lela) Ke a leboga rre Mathule. Batho ba go tshwana le wena ba a tlhokwa. 
thipe: Ke bonang? Jaanong laakane yona e batlang fa? 
• O tshikhinya gore ba nne mmogo fela, ba je madi. 
MMakgoMotso: Jaanong fa ba mo phuagantse, le wena o a mo latlha? 
• O boifa gore ba tla mmolaela mo ntlong. 
MMaseako: (O a belaela) Nna ke a ganela mogatsaka. Golo fa go bonweenwee jo bo diregang. A wena ga o a ba botsa sepe? 
(Go bosigo, basimane ba besitse nama. Go tlhaga Ntlhake) 
nnuku: Mosadi (Mmolai) 
RaditeRekeRe: Ke nna kgosi ya me. Go ntse go tsamaega jang ka masimo? 
tau: Tsamaya sentle rre Mathule. 
RantleRu: Ka wena o le botlhale, re bolelele gore fa setopo se lotleletswe ka fa gare ga ntlo e e se nang ope, se a bo se bolailwe ke mang, jang? 
MoRwesi: (Ka selelo) Ke ne ke iphitlhela eng? Jaanong ke tla sala le mang mo lefatsheng le? E seng le nna ke mpe ke tswe gore e nje e fetse ka nna. Kana monna wa me e rile a ntshia mono a mpha taelo ya gore fa ke le mo tsietsing ke itse gore “Ke na le Modisa mme ke tla be ke sa tlhoke sepe.” Ke mosadi, ke tshwanetse go itiisa, ke tla thusega. (Lesea le simolola go lela) Ao! Ke a leboga, ke thusegile ka ngwana wa mosimane. O tla nkgolela, mme ke sale nae. (O gomotsa lesea) Didimala ngwanaka, didimala, simane wa ga mmaagwe! O tla re o tlholetswe ka o fitlha dilo tsotlhe di fedile. (Moragonyana ngwana a robala) A e re a sa ntse a robetse ke mpe ke ye go senka se se jewang. A ke tlhodise sentle pele gongwe Kgodumodumo e sa ntse e le ka fa ntle. (O a tsoga, o tlhola gore a Kgodumodumo ga e bonale) Nnyaya ga e yo. (O a tswa, o tsamaya go batla dijo) 
lepodisi: Pele re tla foo... a o rata go nthaya o re lo 
• Nka se ke ka tswa mo ntlong ka mo sutela. 
a. Ba tla nkitse = Lerato 
Leba fela jaaka diphologolo le tsone di tla di tshaba! Di tshaba eng? 
nakedi: Ka tlhobolo rremogolo? 
seleBaleng: Mme o tsile go nnyala “daylight!” 
• Kgomotso ,mogatsa Phofu o tswa mo ntlong 
 
Bosalala: Nnuku! O tswa kae? 
Batho: (Ba itumetse) Re a e bona ngwana wa rona! 
• Mmaagwe o bolawa ke pelo. 
1.13. Feke. 
Mokgadi: Re tla dira eng tota gore re mo kgopolole? 
lepodisi: Se ntsene ganong mma... 
kediBone: (Ka bosilo) Dula fatshe wena ga o tlhole o le kgosi ya rona, a a bolawe selo se sa sekopa. 
Boipelo: Ke sa tshedile sentle. Hei ke itumetse go lo bona, tsenang tlhe. (Ba a tsena mme ba nna mo ditulong) 
MoRwesi: (O a lela) E re ke tle go go thusa Sankatane! 
nnyala pele ke tsena mo botsetseng? 
MMakgoMotso: (Le ene o a galefa) Ga twe tlhaloganyo ya gago e ntse jang tota? 
Mokgadi: (Ka go bitsa) Tsena. Re ka fa morago ka fa. Potela! 
MMakgoMotso: Ke gone a ntseng a goroga rra... 
nakedi: Rre o tlhola a re bolelela... 
1. Matseno................................ iv 
ntlhake: O dirang he! (Ntlhake o mo konopa ka boloko mo sefatlhegong) 
Batho: O buile kgosi ya rona, mme fela ga re na diphologolo fa e sale di tsewa ke kgosi eno ya segagapa. 
Mathule: O bona ena Mathule ka sebele, e seng moriti wa gagwe. Bo tsamaya jang botshelo morwaarra? (O nna mo setulong) 
• Mmueledi wa ga Ramarumo o biditse Boipelo go mo tlhalosetsa ka boswa. 
3.2 BO TLA SA JANG?/MOSESE, MOSESE, MANGOLE LE MENWANA. 
MonnaMogolo: Ngwanaangwanaka, o re thusitse, le fa e le ka ntlha ya ga rraago, o re kaetse gore o na le kitso le botlhale jo ka jone o ka sireletsang setšhaba ka jone. O monnye ka popego le seemo, mme fa e le ka kitso le botlhale le tlhaloganyo o mogolo go re gaisa rotlhe. Tlotlo eno ke ya gago e seng ya ga rraago! 
Mmemme o robetse jo bofe? A ka ya le boroko mo ntlong ya go ikutswa? (O leka lebati. Le a gana) Kana ke tla nnela go atlhama fa, kgotsa go riana motho o ile, o tlhagafaditswe ke bomaratahelele ba ba etsang Feke jaana! O ile Mmemme. Ke sale ke bona go timilwe lebone. Sis! 
MMakgoMotso: Tsena! (Lebati le a bulega le bo le tswalega) 
phofu: (Ka bogale) Hee wena... ! Phaposi e o tsenang mo go yone jaaka o rata eo ke ya ga mang? 
Tharaano: Kgato ya poloto ya terama e mo go yona kgotlhang e golelang pele. Go thatafala ga kgotlhang. 
killeR: (O a goa) Ijojojoo! O nthogile. Nka se mo lese. Ke ya go mo tlhaba. 
kgoMotso: Ga... ga ke itse gore a ke go ree ke re ee kana nnyaya jaaka Phofu a setse a bone mosadi yo mošwa sajene... ke eng o botsa? Kana... 
Mathule: Ke lobaka ke le motlhaleng wa gago sajene. Ke ne ke batla thuso e potlana. 
seleBaleng: Ga ke re o tla feta o ntsaya fa gae fale? 
tau: Go bonagala fa a ne a nole mo a neng a se na taolo e e tletseng ya koloi. Mapodisi a tla batlisisa ka se se tlhodileng kotsi eo. 
feke: O kobile Nnuku? O kobile mosadi monna? 
Boipelo: Le fa Ramarumo a se fa gae, o fetsa go tswa a re o ya Tshwane ka mabaka a tiro. 
MMakgoMotso: Ee, rra. 
Bosalala: Ga re tle go senya nako ka ena abuti. Ena nka mo pakela ka gore ke tla le ena. Ke ne ke fetsa go kgaogana nae fa o tla mphitlhela fa. A a tsamae. 
2.6 A ka nna motho yo o sa fetseng go bua. 
2.2 MOSIMANE WA SANKATANE Kwala tlhamo ya mela e le sometlhano (15), o bolele se se diragaletseng morafe wa Bafokeng go fitlhela go sala Morwesi fela. 1 x 15 = 15 
Mametlelelo e, e rulagantswe go ya ka ditheo tse di tshegetsang moono wa Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba mo logatong lwa FET. Ditheo tse di tshwanelwa ke go diriswa jaaka selekanyi sa go ruta, go ithuta le go tlhatlhoba gotlhe mo kgatong e. 
1.5 Goreng Phofu a akanya gore tlhalo e tla nna botlhofo? (3) 
phofu: Bona fa. O ntlhodiela mosadi. O se ka wa tla go dira modumo fa... 
phofu: Le teng go siame; fela ke bona go ne go ka nna botoka gore e re o sa ntse o ile go ipaakanya ke ye go tshela mafura ka bonako mo koloing? 
tshepo: Le sule rremogolo... (Segwagwa se a lela) 
RaditeRekeRe: O batla ke bua jang motlotlegi? 
seako: Wena ngwanaka, fa ke ntse ke bua le Phika le Killer, o notlele kgorwana. Fa ba simolola go ngangisana le nna, o epolole sebepi mme o betsake dikgomo tse di thulang gore di ba tlhakatlhakanye. 
seako: Bagaetsho, rre Raditerekere o batla go bua le lona. 
ntlhake: Ntlhang mme le tlhabana ka matlho? Le molomo wa gago o a mpelaetsa wena Tshepo. Ga ke go tshepe. 
thipe: Le se ka la tshameka ka nna bašantowe, ga ke rremogolo... 
kgoMotso: (Ka mowa o o botlhoko) Ke... ke tla leka sajene... 
RaditeRekeRe: (Le ene o tenegile) Ke ne ke ntse ke ya go e diragatsa gonne ga ke mo tshabe. Ga ke mo tshabe! 
Motswedi: Mathule? 
seako: A le wena o setse o eletsa fa re ka fuduga? 
seako: Mmaabo. 
Ranko: Nnyaya, Mokgadi mogatsaka, nna fatshe. 
lentswe: Morwesi! Mmaagwe Mosimane wa Sankatane, boa koo! Boa gone teng fa o leng teng, lesa Kgodumodumo! 
RakgoMotso: Hei! Wena goromente, ke sa le kgakajana le wena; o dia Kgomotso o ya kgakala! 
• O ne a tshoga fa a bona tau. 
(Batho ba ntlo ba feditse go ja, go utlwala dijana ka kwa lemoragong jaaka di tlhatswiwa) 
RantleRu: Re tla itse ka eng? 
tau: (O mo tsena ganong) Tau. 
nakedi: E se ka ya ema rremogolo, e tshware ka seatla... 
sankatane: Baya pelo, ga ke ise ke fetse. Ke nna ke itseng fa lo se na leruo le tserwe ke kgosi ya lona. Mme mongwe le mongwe o sa ntse a itse dikgomo le dipodi tsa gagwe. Mongwe le mongwe a a tlhophe tsa gagwe. Lo rue lo phuthologe, lo thube kobo segole lo tlhabe kgobe ka mmutlwa. Mme pele dilo tseno di ka diragala, a re direng mpho ya badimo, borre ba tlhabe dikgomo, bomme ba ritele bojalwa go nowe go jewe re feng badimo ba rona ba tle ba itumele. Ke feditse. 
Buisa mmuisano o o latelang, morago o arabe dipotso ka nepagalo. 
kgoMotso: Jaaka se se diragetseng se mma... 
MMakgoMotso: Gone go ka nna ga nna jalo... 
MMakgoMotso: (Ka kgakgamalo) Ao Kgomotso ngwanaka; fa o tla o rwele thoto jaana, a o etile kana go diragala eng? 
MoRwesi: (Ka letshogo) Sankatane! O lelela eng? O ntshosa jaana ke re a Kgodumodumo e go tshwere? 
feke: Mpetseng, borradithata. Ga lo simolole ka nna. E bile nna ke leboga fa le sa mpolae. 
Berebere: Senotledi se se notlelang lebati ka mokgwa wa go kgoromediwa. 
MMaseako: Ke tlhoka botshelo ba gago go phala mahumo a lefatshe. Nka se go swabise rra. 
Potso 1 
3.1 Poloto ya terama e tsamaya ka dikgato. Kwala dikgato di le tlhano tsa poloto ya terama mmogo le se se diragetseng mo kgaolong e nngwe le e nngwe. 1 x 15 = 15 
feke: Ke lepodisi la diphiri tsa gago. Fa o ka bo o se na diphiri nka bo ke sa bolawe ke bojalwa jo o ntswalang molomo ka jona. 
2.3 Ke tlile go go itaya O tlile go lo ntsha mo tseleng/go lo tsenya mo mathateng. Tswaya mo lelapeng la me 
Badiragatsi: Bo tla sa jang? Ka C. Modise 
sankatane: Bomma le borra! Fa ke le monnye jaana nka nna kgosi ya lona jang? Ke ne ke sa re lo ntire kgosi ya lona. Ke ne ke batla rre, ke mmone, mme le lona lo thusegile ka ntlha ya gore ke ne ke batla rre. Lo ntse lo na le kgosi ya lona ke... 
Bosekaseko: Go sekaseka/Go senka sengwe. 
tau: A nka tsena mma? 
ntlhake: (O mo tsena ganong ka bogale) Hei, Khutsepe o raya mang? 
phika: Go ntse jalo. Gape re ile go jwala korong rotlhe. 
phika: O tla intshwarela fa ke go tsene ganong o sa ntse o bua le batho ba gago. Fela o ka fetsa puo ya gago le bona, gonne ke na le kgang ya botlhokwa le wena. 
seako: (O bua ka boingotlo) Phika, re ntse re bua ka ga masimo, jaanong ke tshele ya eng e o e tsenyang? 
Modise: (Ka boitumelo) A re ya go tshwaya dipholo tsele gompieno ntate? 
kgoMotso: O ka se ka wa ntumela fa ke go raya ke re go mosetsana yo o nnang mo ntlong ya rona gone jaanong mma. 
Bosalala: Nka ipolaela lekgarebe jang? Le gone ke wena o tseneng le nna mo ntlong re sena go roba lebati. Ga nka ke ka kgona go bolaya motho mo ntlong ka be ka mo lotlelela ka fa gare. E le gore ke dule jang? 
tshepo: Tswelela rremogolo... 
Kwa tshimologong ya pono e nngwe le e nngwe 
kgosi: (Ka khutsafalo) Ke ne ke re jaanong bagaetsho a lo nkamoga leruonyana la me? Ke ne ke diretse mmakgosi boswanyana? 
seleBaleng: (O a tshegatshega) 
• Nnuku, mogatsa Bosalala le ene o tswa mo ntlong. 
tau: Dumela mohumagatsana. Ke tshepa ke sa timela. Ke batla fa ga rre Ramarumo. 
Diponagalo tseo, di a akaretsa mme ga go reye gore ka gale setlhangwa se sengwe le se sengwe sa terama se tla nna fela jalo. Le fa go le jalo, ga go reye gore mokwadi o a bo a tlaitse gonne ene o ntsha sa mafatlha a gagwe fela. Go kaya gore mo diterameng tsa radio tse di sekasekwang terama e ka senola ponagalo nngwe mme ya tlhaela e nngwe, mme yona ra ya go e fitlhela e senogile mo terameng e nngwe. 
RantleRu: Monna, Bosalala, tlaya ka kwano! Ke batlile gotlhe mo nka kgonang mme ga ke bone motlhala. Oteroupo e tshetlha. Lebeteri le yona e lolea. Siling le yona ga e na phatlha. Ga ke itse gore go tweng ka baesekopo e tshwana le e. Motho o bolaetswe mo ntlong, mabati a lotletswe ka fa teng. Mafesetere ga a na phatlha e e ka sutlhang motho. Ke tla be ka leletsa seteišene sa rona mogala, le emelentshe e bidiwe go tla go olela maswe a. 
tshepo: Ke le tšhwatlile tlhogo rremogolo, le sule... 
seleBaleng: (O swa ka ditshego) 
tshepo: (Ka go tshega) Ke ya go le mo fa le ntse le phela. A ngatege fa a ngatega, a tle a latlhe go njesa boloko ba kgomo. 
Monnamogolo Ntlhake o tsoma ditau. 
kgoMotso: Mma ga ke bone gore go tla tlhola go siama. Ka fa Phofu a golaganeng le mosetsana yole ka teng, ke bona ba tla feletsa ba nyalane, nna a ntlogetse (O rata go lela) kgotsa ba mpolaetse mo ntlong ele. 
MMegi: Kgodumodumo e ne ya simolola ka diruiwa, mme ya di feleletsa, morago ga moo ya simolola ka batho. 
• Kgomotso ke mogapatiro 
• Thaologo: Ditiragalo di similola go direga. 
(Go bosigo, go utlwala mmino le batho ba ba tshwereng moletlo) 
Sk. Go maitsiboa (nako) kwa motseng (lefelo). 
RantleRu: O raya gore re ka bo re sa mmona. E le gore o ne a iphitlhile kae? 
MoRwesi: Š... ! Didimala ke e e etla e tla re utlwa. 
Bosalala: (O kgwa mowa) Ke gakgamadiwa ke lebati ke le le lotleletswe ka fa gare mme ga ke arabiwe fa ke kokota. 
Mokgadi: Go botlhoko ngwanaka gore o tle o thanye mapo lo le tsebeng. 
ntlhake: (Ka boitumelo) Agee basimane, le disitse jang gompieno? 
Modise: (Ka go ikgantsha) Re tla nne re go nametsa... 
MoRatwe: (O tsamaya mo mmileng) Ruri motho ga a itsiwe e se naga. Ke mang yo o neng a ka naganela Boipelo? Ke ne ka utlwa ke swaba go utlwa fa loso lwa Ramarumo lo ne lo rerilwe. Ke tshepa Moswinini a itse tsotlhe ka ga tiragalo e. Ke tshwanetse go itsise mapodisi. Fa ke sa dire jalo, ke tla bo ke leofa. Nta ke ye go itsise sajene Tau. Ena o tla itse gore o dira eng ka kgang e. E bile sajene Tau ke yole gaufi le koloi ya gagwe. Motlhaope o setse a ya gae. Nta ke kuke dinao... (O bitsa Tau) Sajene Tau! Sajene Tau! 
phika: (Ka go tenega) Utlwa fa. O se ke wa ithaya wa re ga ke itse gore lo ne lo bua ka eng kwa kopanonyaneng ele ya lona. 
kediBone: (Ka selelo) Hee kgosi ke wena! Naare a ga o na banna mo motseng o wa gago? A re basadi fela? A re tsoleng ge diaparo tsa rona, lona banna lo di apare, mme lo re neye diaparo tsa lona le dibetsa re bolaye selo se. 
ntlhake: (O mo tsena ganong, o tenegile) Ke godile fa kae? Ona mafoko ao. Ke goletse mo morakeng o, go tloga o sa ntse o anya, wa ba wa mela ditedu... 
MMakgoMotso: A raya gore le fa o ka itemogela bosa jo o iseng o ke o bo bone, o bo atlarele fela jaaka bo tla bo bo sele ngwanaka. 
seleBaleng: (O tibela tlase) Dinotlolo ga o di bone... 
phika: (Ka bogale) Gona o batla go nthaya o re ke lesilo e bile ke senokwane? Ntswele ka kgoro! Tsamaya! Tsamaya kwa ga Seako ntataalona... ! 
seako: (Ka boganka) Matshelo a batho botlhe a mo kotsing. Gape itse gore ga ke tshosiwe ke Phika. Ke matlholaadibona. Tseno ke dinyana, ke fetile dikotsi tota. 
Badiragatsi: 
kgoMotso: O bidiwa Selebaleng. O nna mo ntlong ya bosupa mo go ona mmila o. 
tshepo: (O rata go lela) Rremogolo... rremogolo... ke a go rapela tu... 
phika: (O bua ka bodipa) Ga ke na sepe. Fela itseng. Letsatsi lengwe, lo tla tlhaloganya leina la me. Phika ke kotsi e seng mantlwane. (Ba a tswa) 
RantleRu: (Morago ga tidimalo sebakanyana) Ke a utlwa. Go fitlha jaanong jaana ga go bonale e ka nna wena. Mhm! Go raya gore moswi ke ena a lotletseng. Mme go ka kgonega fela fa a ipolaile. Jaanong go itshupa gore o kgamilwe. Matlho a gagwe a rotogile. Leleme le betologile. O na le ntho mo kgorikgoring. Moipolai ga a ka ke a ipetsa ka fa morago. 
Modise: Ke go reeditse ntate. Nka se dumele ba mpiletsa kwa ntle ga lesaka. 
killeR: (Ka bogale) O a itse monnanyana yo, o makgakga. Ga nke ke bua le motho gabedi, ba a nkitse kwa Jo’burg. 
seako: (Ka go tshoga) Ao! Ke wena. (O a okaoka) Tsala, monkane. 
tshepo: O bo bona kae re se kwa lesakeng? Ga se letlametlo. 
feke: (O botla gape) Ntšwa e e suleng! Go siame monna. Boleo jwa me ke bojalwa le mogošane. Jwa gago jona ke tlile go bolelela Nnuku ka banyana ba ba salang ba mo thubela motse a se yo. (O itewa ke kgodisa) 
Bosalala: (O sutisa bolao) Ga go na sepe ka fa tlase ka fa, monna. O a re dia le gone. Tlaya ka potso ya gago e e botoka re utlwe. 
1.10 A, rraagwe Kgomotso o dirile sentle kgotsa o atlafile ka go kgotlhisa Kgomotso setlhako? (3) 
seako: (Ka boitumelo) Ka tla ka ipofa ka ditsholofetso. O batla eng MmaModise? 
thipe: Monnamogolo a ka bo a jewa ke eng ka gonne ke kgaogane le ene maabane a ntse a re tswee... 
1.10 Fa o bona mmui o ntse a lomelediwa ke Nnuku jang? (4) 
tshepo: (Ka setshego) O fodile... rremogolo o fodile... 
phofu: (O a tsiboga) Ke eng? 
Bosalala: Lebati la me Rantleru? Le fa e bile go twe o lepodisi, ke a gana! 
3.5 Go bolaya Ramarumo 
(Go utlwala modumo wa kwa kgolegelong) 
3.5 Mosese, mosese, mangole le menwana ...... 81 
MMalaBadi: E rile a le kwa kgorong, a mpolelela gore ke makgakga ka gonne ke go ikantse. 
(Motshegare kwa magaeng) 
4.2 Dipotso tse khutshwane................. 120 
seleBaleng: (O ntse a tshega) A o raya gore fa a sa bopega a se ka a itshwenya? 
2.2 Setšhaba sa Bafokeng se ne se kotutse mabele a le mantsi. 
kedisaletse: Nnyaya a re ye kwa go rre Mabinagotsholwa pele, ke ene fela a ka re tlhagang thuso. 
MMaseako: Rraago Seako o itse go dirisa diatla tsa gagwe sentle mo tirong. 
kgosi: (Ka selelo) Basadi thusang! Ke lona bommaabana lo tshwarang thipa ka fa bogaleng! Thusang basadi wee! 
Bosalala: Sa reng-ne s’o se! 
nakedi: Nka se tlhole rremogolo... 
Boipelo: (Ka go ikgantsha) Ka re ke phuthile batho, e seng boesemang. Bona mesego ya diaparo tsa basadi bale. Nna ke Boipelo. Ke tla ba bontsha gore le nna ke na le bokgoni. 
Bosalala: (O tshegisa tshotlo) Ooyii, kana o tlwaetse go ntshosetsa ka go re o tla bolelela Nnuku! Go fedile gompieno, buti. O ile Nnuku. Ke lokologile... Ga se maloba ke go reka ka madi a bojalwa gore o se ka wa mmolelela. 
ntlhake: (O itira fa a ngategile) Hmm... Hmm... 
seako: (O gakgametse) Nnyaya. Go ka tswa go diregile eng? Kana ke tlhotse kwa toropong maabane. 
Mathule: Moemedi 
1.12 Lefoko le le mo go 1.5 le senola maikutlo afe a mmui? (2) 
MoRwesi: (Ka pelo e e botlhoko) Ngwanaka o... jelwe ke Kgodumodumo le ene. (O simolola go lela) 
seleBaleng: (O a tshoga le go tlalalana) Pho... Phofu ga a swa... ga a swa o... 
seleBaleng: Mme kana o tshwanetse go tlhala Kgomotso pele... 
tshepo: Mosimane wa dingwaga di le 15 
seako: Sa bofelo e bile e le sa botlhokwa, le se ke la dumela ba lo biletsa kwa ntle ga lesaka. A o ntheeditse Modise? 
phofu: Ga ke batle gore re tsamae re ntse re emaema. 
MoRwesi: (Ka selelo) Ngwanaka! E ne e le matlo a batho! 
MMakgoMotso: (O a seba) Gongwe ke ene... 
MMakgoMotso: Mme le nna ke ntse ke ipotsa gore o ya go e tsayatsaya jang kgang e. 
kgoMotso: Ao Phofu bathong! Ga ke re ke baya dilo tsa me... 
seako: (O a tshega) Wena o batla eng? Modise: Ke batla baesekele ya go ya masimong. (Ba a tshega) 
MoRwesi: (Ka pelo e e botthoko) Ba jelwe ke Kgodumodumo. 
phika: (O bua ka bogale) A o ithaya o re ke sematla? A o nagana gore balemi ba ba nthekiseditseng masimo a bona maloba, ga ba a mpolelela gore ke wena o ntseng o rotloetsa lekgotlanyana le le ntshetseng morago le? Gape o moeteledipele! Ganela... ! 
3.6.2. Motswedi (2) 
seako: O le mang wena? Le gona o itseng ka masimo? 
phika: (Ka boitumelo) Le tsogile jang rre Seako? 
Rre Daniel Molefi Goitsemang Sekeleko 
3.2Bo tla sa jang? ........................ 27 
“Go botoka batho ba seka ba re bona re le babedi kgabetsakgabetsa, ba ka tloga ba belaela.” 
RantleRu: Bosalala, tlogela go lela monna re bone gore re dirang. Motho yo o ntse a inotleletse mo ntlong yo. Ga a ipolaya. O bolailwe. O iteilwe ka selo ka fa morago. O robegile thamo. O bolailwe. (Bosalala o nnetse go hunahuna selelo) Monna kgaotsa o a ntlhodia! Motho yo o batlang mo ntlong ya ga Nnuku? A o mo tlogetse mo ntlong? 
MoRwesi: Š... ! E tla re utlwa, ga e ka ke ya tsena, e tla tsenya leleme la yone le letelele mme e re gonyolole ka lona e re je. Didimala pele e tle e tsamaye o tla sala o mpotsa. A re robale. 
RantleRu: Heei! Ke eng o lwa le lebati la batho monna? Fa o ka leka go tshaba ke a go thuntsha! O mang monna? O batlang mo ga Bosalala o ntse o bona gore ga go na ope? 
3.6.4 MoRatwe: Ke tsala ya nnete e e sa didimaleleng tsweletso ya bosenyi 
sankatane: Bomma le borra! A lo bona naga eno ya Phokeng mono ga Motlatla? Lo bona go tloga ka thaba ya ga Rapitso go tsena ka Thaba ya Mogono? Ke naga ya lona. Lo fudiseng gotlhe fela. Naga e e neng e jelwe ke dipeba ke e e talana, dikgomo le dihutshane tsa lona di tla tsamaya teng. 
kgoMotso: (O ntse a lela) Phofu ke monna wa me yo ke neng ke sa ntse ke mo rata. (O tswelela ka selelo) 
Moswinini: Ke tse ke di tshetse. 
ntlhake: (O phamola Tshepo) Ke go tshwere letlhale ke wena. Jaanong o ile go kopana le nna... 
nakedi: (Ka go tshoga) Nnyaya rremogolo, re ne re... 
ntlhake: (Ka letshogo le legolo) Nka... nka... nkapoleng ba... baiki. Ke... ke a ngatega ... nka... 
ntlhake: Le itse jang gore ke letsatsi la me la matsalo? A le ne le le teng fa ke tsalwa nna? Ke tsetswe rraalona a ise a tsalwe. 
Motswedi: (O a nwa) O a re go direga eng? 
thipe: Rre Ntlhake, o reng o ja bana ping ka dinala jaaka tšhimpantshi jaana? 
kgosi: (O tshogile) Ke tla dira eng? Le nna ke gakilwe! Le gona re ka ya kae? 
kgoMotso: Go diragetseng e kete o tla ntshosa jaana? 
lepodisi: Ka tseo o se ka wa tshwenyega ke a di latela. Wena o ntsholofetse fela gore a o tla sala o itshwere... 
Dikarabo tse dikhutshwane 
seako: Dithulaganyo tsotlhe di konoseditswe, ka jalo a re leteng motsotso wa thulano fela. 
• E ne e le tona, e le mariri. 
MMakgoMotso: Nnyaya ngwanaka, kana ga go felele foo... 
Boipelo: (O bua ka mo ntlong) Ke a tla! (O bula lebati) 
• Morwesi o ne a phologa mme ga sala ena fela. 1 x 15 =(15) 
1.7 Ya ga Bosalala le Nnuku. 
MOSESE, MOSESE, MANGOLE LE MENWANA 
kgoMotso: (O ngotla selelo le go sunasunetsa) Hae... 
tshepo: (Ka go tenega) Rremogolo se nkolope ka boloko ao! (Nakedi le Ntlhake ba tshega !e go feta) 
kediBone: Ngwanaka! O buile nnete, ke ka ntlha ya ga rraago re leng batho, mme nna ka re le mmaago re se ke ra mo lebala, fa a ne a sa iphitlha gore o bo o nne teng re ka bo re le kae? 
• Batsadi ba boela gae ka maswabi. 
MoRwesi: (Ka go rapela) Nnyaya ngwanaka, fa o godile ke tla go thusa go e bolaya, e seng jaanong o sa ntse o le monnye thata. (Ka kgakgamalo) Selo se se phatsimang se o se tshotseng seno ke eng? 
akedi: Re bone mo setifikeiting sa gago sa matsalo. 
kgoMotso: Hm! Bao o ka bo o itidimaletse fela ka bone. 
seleBaleng: O ka nna wa baya nako... 
RaditeRekeRe: Ke monna, o lemela balemirui 
Monna: Nnyaya, intshwarele kgaitsadiaka! Ga ke batle go go utlwisa botlhoko, fela o tla nnaya seatla go ise go ye kgakala. 
Ranko: Mokgadi mogatsaka, ke tshwenyegile. Morago fela gore o boe kwa ga Boipelo, dilo di a senyega. Dikgang tse, tse di buiwang ka ga Boipelo, ga ke di rate, ke ne ke re ka moso re mo etele, re mo gakolole. 
killeR: (Ka bogale) O itira susu! A re tsene, Heela! A ga ke a go raya ka re ka ura ya bongwe, o be o se fa? 
• Ga go a ka ga thusa sepe . 
Boipelo: (Ka go ikgantsha) Nna nka se tsene mo mathateng. Ke na le madi, ke na le sengwe le sengwe se ke se tlhokang. Ga ke batle dikeletso tse di se nang mosola. Fa ke di tlhoka ke tla lo bolelela. Jaanong ke ma­ swabi go lo itsise gore ga ke di tlhoke. 
RantleRu: Ga a ake Sajene. Mo fe sebaka. 
Monna: (Ka letshogo) Monna yole ga ke mo tshepe. Phika o ka re o re tletse le mmolai. 
(Batho ba kwa masimong ba tshwaragane le thobo, gangwe le gape go utlwala letlhaka le segiwa le go bewa fa fatshe) 
ntlhake: Le rraago o ne a tshoga fela jalo. (Ka matlhagatlhaga) Ya re haauu. Ya tlola e ntotile... legano le lehibidu e le atlhamisitse le le kana... E rile e le mo moweng e atlhame jalo, ka tsenya lebogo la me mo ganong la yona... la ya go tswela ka kwa morago, ka e tshwara ka mogatla, ka o goga, wa be wa tswa ka molomo wa yona ka e tlhanolola. (Basimane ba a tshega) Ya nna bofelo jwa yona... 
Mathule: Go siame mma. (Boipelo o ema mo setulong) Ee! selo sa bofelo, fa o ka batla madi, nteletse mogala ke tla siamisa tsotlhe, itse gore ke tla tlhokomela dithoto tsa gago malatsi otlhe. O tsamaye sentle mma. 
MMaseako: (O hutsafetse) Ke gore lo emetse gore lo bone gore mogatsake o swa jang, lo bo lo itsamaela. Ke lona ba lo batlang gore Killer a mmolaye. 
(Go utlwala medumo mo tikologong) 
MoRatwe: Sajene, motlhaope o ka nthusa. O se ka wa re ke sunya nko ya me mo mererong e e seng ya me. Ke utlwile Boipelo le Motswedi ba bua ka fa ba bolaileng rre Ramarumo ka teng. Kgang e e ntshwentse thata mo ke boneng gore ke lo itsise. 
tau: Fa go kgonega ke tla go thusa, ke reeditse. 
MMalaBadi: (O nyemile mooko) Batho ba ile. Phika o tshositse batho. 
3.5 Mosese, Mosese, Mangole le Menwana ka SJ Shole 81 
ntlhake: (Ka boitumelo) Ijojojooo... baiki e ntle ya sejone, tlisa fa ke itekanye. 
nakedi: O isa kae kao eo Tshepo? Go tswa leng Thokwana a kaiwa fa a gamiwa? 
3.8 Go ya ka wena goreng Ramarumo a ne a fetola diteng tsa tshupaboswa jaaka a dirile? (2) 
Bosalala: E seng gore o ne a tswetse kwa ntle, a tlhaselwa ke motho, a kgona go tshabela mo ntlong, mme a swela teng? 
Moswinini: Owaii! A ga se ena motho wa dipurapura? Bona ba ithaya ba re thuto ke madi. Ntlhang o gaisiwa ke batho ba le bantsi ntswa ena a rutegile? 
Batho: (Ka go goa) Bua setlaela ke wena sa molotsana re go utlwe! 
kgosi: Bafokeng! Ke ne ke... 
Ranko: (Ka go fela pelo) Mokgadi mogatsaka, tlaa re tswe mo mothong yo. O tla utlwa molao wa manong. Bana ba gompieno ba ikepela mamena. O bone morago o se ka wa lelela kgama le mogogoro, metsi a tla bo a tšhele o a lebile. Nna ke a tsamaya. (O a tswa) 
Batho: (Ka selelo se segolo) Ijoo... re tla tshabela kae? Bonang fela ka moo re felang ka teng. 
feke: Bosalala ga a tsamae a ise a mphe madi a boranti. Le wena Rantleru! 
9. Ee 
Poloto: Tatelano ya ditiragalo di na le mabaka a a di tlholang. 
Modise: (Ka boitumelo) Ke goditse papa, mama. 
phofu: Tlela motho yo seipone yo a ipone gore a o ne a tshwanetse go tsena fa ke re go tsene ba bantle fela... 
2. O ne a re Kgomotso a boele kwa ga gagwe. 
MonnaMogolo: (Ka bosilo) Mmakgosi mmakgosi! Mmakgosi ya rona ke Morwesi, mmaagwe Sankatane. Didimala o dule fa fatshe legodu ke wena. 
3. DITENG TSA SETLHANGWA – MOLATSWANA WA GAETSHO 
nakedi: O fodile... o mo fileng rra? 
4. Setlhoa: Maphata a mabedi a eme ka dinao. Go sisibetse.Badiragatsi ba laolwa ke maikutlo. 
Bosalala: O tshosiwa ke eng? O nyale o tle o tlogele go gakgamalela mathata a banna ba bangwe. Botagwa jo ke jona bo dirileng gore o palelwe ke bopodisi. jaanong o bona gore o itire lepodisi la... 
tshepo: (Ka letshogo) Rremogolo... Rremogolo... 
tshepo: (O bua ka lentswe la go tshosa) Khu... tse... pe! 
MMakgoMotso: Ija! Tlhalosetsa rraago gore go diragetseng ngwanaka, kana ke a bo ke sa tshwanela go bua. 
thipe: O a ba baakanya rre Ntlhake... Nakedi, a lo a be lo teelela rre Ntlhake gape... 
• Nnuku o boela gae a feta a bolaya Mmemme. 
MoRwesi: E rile e sena go ja batho le diphologolo tsotlhe ya ya go robala. Ke ele e robetse fa tlase fale! 
MoRwesi: (O a rapela) Bona e ntshitse leleme e tla go goga ka lone Sankatane! 
seako: Borra, tshwetso ya bofelo ke ya lona. Nna Seako, ke ya go nna ke itemela mmopo. Le tshimo ya me, ga ke e kgomagantshe le ya motho. 
seako: Raditerekere, o itshema eng? 
MMakgoMotso: O a re mosetsana? 
• Tharaano: Kgotlhang e a gagamala/go raraanela pele/ go a thatafala. 
MMaseako: Rraabo, tlhang malatsi a o ka re o a fetoga? 
MMakgoMotso: O ne a leka go go gakolola gore se se ka tsogang se diragala ka moso kana mo nakong e e tlang, ga o se itse ngwanaka. 
seako: Le wena fa o sa rate go fetoga motlholagadi ka nako e e sa tshwanelang, o tla diragatsa ditaelo tsa me. 
3.4 Mosimane wa Sankatane ka DM Mothibi 61 
phika: Ke go re lo ntse lo tsena dikopano, mme nna, jaaka molemikalona, ga lo nke lo mpitsa. 
3.12 Boipelo o ne a ithuta eng ka katlholo e a e boneng? (2) 
lepodisi: Ruri dilo di a diragala... kgarebe eo ke mang? Le gone e nna kae? 
Modise: E bile o kobile le batho ba ba neng ba kotula. 
nakedi: Molato ke eng rremogolo? Go botlhoko fa kae? 
MMalaBadi: O tsamaya o bolelela batho gore nna ke go file tshimo ya me gore o jale koronnyana ya gago? 
• Mathule le Tau ba na le pelaelo ya gore loso lwa ga Ramarumo lo rulagantswe. 
phika: (Ka phuthologo) Se tshoge tsala. Ke dikgang tse di monate. Monongwaga re ile go tlhakantsha masimo, e bile... 
(Kwa Mapodising go goroga Mathule go bona sajene Tau; o kokota mo lebating) 
• Nka se ke ka ntshiwa ke ditshotlo le ditshego tsa gagwe mo ntlong ya me. 
Bosalala: Se ke sa se itseng ke gore e re ke swetswe ke moeng, o be o sa lele le nna. Ga ke itse gore a kgotsa o belaela e le nna ke bolaileng motho yo. 
MMakgoMotso: O! o a bo o ntlela ka dife tota... molato? 
ntlhake: Ke a belaela, matlho a me a bona e kete go a kunyakunya. 
