28. A mme mong o se tlotlile? Tshegetsa ka lebaka. 
kgatuRe: O nepile. O a itse! Ke ile go go direla tsotlhe. O ntlotlomaditse ntle le go dikadika. Ngwana yo o tla nna le lesego la go fitlhela diatla tsa rona di tletse. 
thando: Go ntse jalo. O bonolo ka tlhago. Ke a mo 
3. Batsaya karolo mo motshamekong........... xii 
ngakane: Ee, go ntse fela jalo. Ga se go re ga ke ikutlwe. 
42. Thobalano ya ga Thando le Kgature kwa Tlhabane Sun e ne e le e e sireletsegileng. 
thando: Re ne ra se utlwanele leina la ngwana. O ne a batla fa ngwana a newa leina ke batsadi ba gagwe. 
ngakane: Wena rre le mme, ke lo itsise fa ke na le maikaelelo magolo ka dithoto tsa ga nkgonne. Ke rata go di tlhokomela tsotlhe fela. 
Ka ntlha ya fa teramakhutshwe e le khutshwane mme ditiragalo di kitlane e bile di siana ka lobelo, dikgato tse di kailweng tsa poloto ya terama ga di senoge sentle bonolo. 
ngakane: Tsholofelo o makala sentle. Fa nkgonne a ne a sa ntse a le botshelong, o ne a ka se gakgamale. 
ngakane: Ao! Ausi Thando, ka re dumela. 
ngakane: Ga ke rate fa go ka tlhaga motho fela, mme a tla go ja dithoto tsa ga nkgonne ke ntse ke di lebile. 
senkepeng: Thando, nkadime ditsebe. (A tsokotsa kgokgotso). Ke ne ke tlhola motho wa maloba ke bua ka ene. O teng e bile o solofetsa go goroga mo nakong e e sa fediseng pelo. 
thando: Go ntse jalo, mme tota e ne ya nna tsietsego ya gangwe fela. Ke ka moo ke tiisang gore ke ngwana mo go nna. 
kgatuRe: Bagolo ba me, nna tota ke lebogetse kemonokeng ya lona mo go se keleng sona gona jaanong. Fa lo kabo lo sa ntshegetsa, Thando a kabo a se teng fano. Ke a leboga. 
senkepeng: Thando, mo go lona ke dinyana. Tota ke mantlwane. E ka re motho a ka kumola mogobagoba ole wa ntlo, a tla go e tlhoma mo Geelhout Park. Tota e ne e tla gapa tebo ya batho ka bontsi. O e bona jang tsala Bantlhoile? 
tsholofelo: (Motseleng go ya marobalong). Ngakane, kgaitsadi. Fa e le ka go ya seyantlo o lebale. 
go itlhokisa tse o di tlhokang o solofetse tse di botlhokwa go feta tse 
8. Kgaolo 5................................ 62 
thando: Tshotlhe o raya eng? 
senkepeng: Tsala! 
kgatuRe: Wa reng? 
5. Ngakane : Gofejane mo lelapeng. O matepe ka tsalo. 
e) Lemorago Ditiragalo tsa terama di diragalela mo lemoragong le le agilweng ke moterama. O le aga gore le tsamaelane le ditiragalo. Lemorago la ditiragalo le arolwa ka dikarolo tse di latelang: Tikologo (motse, dithaba, dinoka jj.) Motlha/nako (Mariga, bosigo, ura ya bobedi jj.) Ditiragalo tse dingwe. 
senkepeng: (O a imakatsa) Heelang! 
kgatuRe: Heela, Thando! Tsoga tlhe. Ke toro ya mofuta mang e e go tlhasetseng jaana? E bue gongwe ke ka go thusa ka tlhaloso. 
thando: Fela jalo tsala. 
jwa tlhogo. 
thando: Ditsala tsa me, ke a lo utlwa. Mantlentle a ratwa ke mang le mang yo o leng mo botshelong. Ga lo dire phoso go ntlhaba botlhale. Bothata mo go rona, e tlile go nna kago e tonatona e re setseng re na le yona. Leruo le lona gape ke leo le foo. 
25. Mmui wa mafoko a ke mang? 
2. Neela dintlha tsa semelo sa ga Rasebintsolo o di tshegeditse ka ditiragalo. 
thando: Dumela, mma! 
senkepeng: Rre Rasebintsolo, ke lebogela matsapa a lona. Kgale re lo emetse e le ruri. 
tsholofelo: Heela Lesope nnaka! Re go leboga go menagane. O tshwanelwa ke tebogo e e mafura. O dirile. 
thando: Nnyaya tlhe rraabo, e seng jalo tuu! Bosa bo sele, le batho ba setse ba sasanka le mebila. Metsi a go iphimola a tloga a tsidifala. 
(Kwa Moepong ke nako ya ura ya borataro mo maitsiboeng a Labotlhano. Ngakane o ntse le Senyaka mo godimo ga bolao. Ba tlhasetse mponyana ka dikweletla tsa nama). 
1.2.1 Lokwalotshelo lwa mokwadi, rre K.S Naledi. Ka go buisa ka kelotlhoko bayokerafi ya mokwadi, barutwa ba tla tlhaloganya ditlhangwa tsa gagwe botoka. 
ngakane: Mafoko a gago a kiba teng ga boteng jwa pelo ya me ya lorato. Ke leka go fapoga tsa mothale o. Fa o mpona, ke tila go sunya nko mo tshetsaneng ya motse wa rona. 
senkepeng: Bagaetsho ba bantle! Lo a tshwanelana. Modimo o itse go kopanya batho. Ke tla tsoga ke bua puo phaa bosele. (Ba a kgaogana). 
RaMoepa: Ga o bue boammaruri. Ke lona lo ntseng tlhogo di botlhoko. Lo fekeditswe ke maikutlo a morwaalona yo o senang kgala yole. 
17. A o ka dumela go ya seyantlo kgotsa wa rotloetsa mongwe go ya seyantlo? Neela mabaka. 
21. Moruti Isang : Moruti wa Kereke ya Faith Mission. 
(Mo mosong wa fa dikgomo di bolola. Thando o tsosa monnamogolo Ntaoleng le Gabatshwane.) 
thando: Ke yole, o iphetotse Rasebintsolo. O letse a ineile phaposi ya me ntle le letswalo lepe. O gateletse fa a tiisitse mo go se a se simolotseng. 
kgatuRe: Nnyaya Thando! Tlogela tsa ngwana. Gompieno jaana, ke dumela motho yo a reng; “Ngwana o itsiwe ke mmaagwe”. Ke ne ka iphora, ke ithaya ka re ke belege ngwana wa leitibolo, kante ke a ikaketsa. 
senyaka: Bona fa thaka. Tshetsana ya fatshe le ke ntletsentletse. O ka kgona go ja mokaragana le bona ntle le mathata. 
nkeMeleng: Thando, ngwetsi ya me! 
ngakane: Nnyaya rre, ga ke re ke lorile, ke mogopolo wa me. Ga ke rate fa go ka tsena gopane mo lelapeng la ga nkgonne. ´Thoto tsa ga etsho tsa tloga tsa jewa ke batswakwa re ntse re lebile. 
36. O bo batla mo go mang? 
kgatuRe: O bogale tota mosadi ke wena. O tsene le nna mo mapaing o sa ntse o apere bontsho? O ne wa fitlha mosese wa gago felo gongwe. Wa tla o apare ditokana tse pedi tsa tsala. O sebete motho ke wena. O ka baya nkwe botsetse. 
tsholofelo: O swabisitse batsadi ba rona. Ba ne ba go rata le go re gaisa. Tsatsi lengwe o tla lelela kgama le mogogoro. 
kgatuRe: O belaela eng? Le dithaekgora tsa Tlhabane di a itse gore ga ke di boife. 
thando: Ee, malome, segolo ke tlhoafaletse ntlo ya me. (A bua e bile a galamela mo go yona). 
senyaka: Ao, Ngakane, se bue jalo tlhe! Mafoko ao ga a go lekana. 
thando: (A tswa ka ntlo. A atamela mmaagwe). Ke feditse go phutha. 
thando: Le fa tota ke sa tshwanela go leboga, go a mpateletsa go leboga. 
10.Dipotso tse di khutshwane................. 96 
Phuruphutsha: Go batla sengwe ka mokgwa o o matsetseleko o sa senye nako. 
thando: Nnyaya, tsala. Mo maabaneng ke ne ke sa phela sentle. Mowa wa me o letse o futswakane. 
Ramoepo: (Ka go tiisa.) Ngwanaka, tlogela tsotlhe mo 
RaMoepa: (Ka go fela pelo. A tsholetsa sekgwama). Sekgwama ke se, se na le dikete di le thataro tsa diranta. Di tswa kwa Tlhabane go kopa kgololo ya ngwana. 
ntaoleng: Re go utlwile morongwa wa batho. Rona fano fa, re na le moemedi wa mmueledi. Re tshwanelwa ke go mo tshwara ka mogala pele re ka dira ditshwetso le wena. 
A me a kalo. 
4. Neela maina a ditsala tsa ga Senkepeng. 
Leino le le lengwe mo ganong: 
nkeMeleng: Banaka, fa lo itumetse go itumetse rona. Leina la ngwana ke “Kamogelo”. 
Poloto: Tatelano ya ditiragalo dina le mabaka a a di tlholang. 
thando: Ijoowee, mmalo nna wee! (O petula matlho, Senkepeng o ba thusa go rapalatsa Thando mo mosemeng). 
Jonase: Ka ditumediso o bua le Jonase. 
bantoMo: (A penya mosadi ka leitlho). Mafoko ke ao mma! 
9. Jonase o dira kae? 
gabatshwane: E le gore o simolotse jang ngwanaka? 
kgatuRe: Nako e teng re tla di tšhotlatšhotla mo sephiring. O tla sala pila motho yo montle. (O a tswa). 
bantoMo: Koko … koko. 
nkeMeleng: Ga ke na kgang rraabo. Kana re tshwentse batho ba. Ngotla mafoko rraabo. 
ngakane: Bona fa, wena Senyaka. Felo fa nkgonne o ne a nyetse mosadi. Ke mosadi wa mmantota. Ke ene a ka kgonag go ntsholela bana. 
kgatuRe: Ke raya se ke sa se tlhalonangyeng. Ke simolola go itewa ke ditshikare. (A leba Thando gareng ga matlho). 
Ralekwatiti: (O tsholeditse diatla. Phuthego e tswetse matlho). “Keresete”, Morwa Modimo, Morena wa me yo o rategang, yo o ntshitseng lefatshe dibeng, intshwarele ka ntlha ya madi a a boitshepo a gago. A...men.” 
Mponeng: Go senyegile fa kae ngwanaka? Ke raya tota o ise o apole bontsho jaana. 
kgatuRe: Fa o ka e re bolelela, re tlile go go thusa mokgweleo o. 
Mponeng: (Ka makalo). A re o jewa ke eng? 
senyaka: Monna tlogela go ikgwagetsa ka kgole o e lebile. O ka tsoga o ikotlhaya go bona bomatlhogole, ba ba setlhana ba go tla kwa morago. Se lelele go disa nako tsa mariga. Tlogela go ikepela lemena, o tla thanya o faraferwe ke morwalela wa madimabe. 
12. Thando a re Senkepeng ke menomasweu polaya e tshega, phiri e e apereng letlalo la nku. Tlhalosa gore o raya jang. 
ngakane: O bua nnete kgaitsadi. Ga re kitla re letlelela letsenela mo go tsa rona. Ke rata kakanyo ya ga Tsholofelo. Ke solofela fa re tlile go tshwaragana le go thubakana le kgang e. 
K. S. NALEDI 
Mametlelelo e, e rulagenyeditswe go nolofaletsa baithuti le barutabana ba kereiti ya 12 tshekatsheko ya teramakhutshwe e, le go ipaakanyetsa tlhatlhobo ya Pampiri ya Bobedi ya Setswana mo kereiting e. Mametlelelo e, e rulagantswe go ya ka ditheo tse di tshegetsang moono wa Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba mo logatong lwa FET, e leng: 
thando: Ahee rra. 
Ralekwatiti: Phuthego ya etsho Moreneng. Fa jaaka lo bona morwarre fano Setonti a batla go nnathola tsebe, o tshotse molaetsa o o seng monate. 
gabatshwane: Rraago o bua nnete e le ruri. Dikgomo ga di rate motho a tlhola a ikokometse dinala. Nna ga ke bone o ka kgona. Rraago o tla tswa letsholo go batla modisa. 
kgatuRe: Molato ke eng? 
5. Nkemeleng a re a ngwana a bidiwe Kamogelo. Tlhalosa bokao jwa leina le o lebeletse lenyalo la ga Thando le Kgature. 
tsholofelo: Nnyaya molato ga o teng. Rre ke ena a bobolang. O ratile thata go ka bona ausi Thando a ise a ye bookelong. 
gabatshwane: Jaanong dingwe ke dife? 
Rasebintsolo: (Pele a tswa mo ntlwaneng, a atamela tsebe ya ga rraagwe). Thando go tloga jaanong, o mosadi gare ga basadi. O tlotswe ke tse pedi dikgwedi. 
RaMoepa: Ngwanaka, Thando! ga o kitla o nyalwa gabedi lapeng le le lengwe. Seo sona nka itoma sekgono. E seng ke sa ntse ke phela. 
Cover artwork by Yvonne Mamothusi 
ntaoleng: Ema pele mmaabo. Nte a re fatlholole re kgone go ipitla ka la moja. 
RaMoepa: (O a tiisetsa ka go tenega). Didimala, wena ngwanaka. O tlile go ikotlhaya le penne. 
thando: Dumela wa pelo ya me! 
Ralekwatiti: (O amogana le phuthego diantifone). Ke neela moya wa me mo atleng sa gago. 
gabatshwane: Ngwanaka Thando! Ke tshepa fa o itseetse ka tsebe tsoopedi. Kana nama ya pateletswa e thuba pitsa. 
lesope: Abuti Ngakane! Kana batsadi ba gago ba go rata tota. O se tlhole o dira jalo tuu! (Ba mmofolola thapo mo molaleng). 
ntaoleng: Ema pele mmaabo! Tswela pele re utlwe rra. 
ntaoleng: Lo ntse lo tsoga jang fatsheng la Kopmane? 
senkepeng: O ntheetse sentle, Kgature, Ngwana wa ga Thando, ga se wa gago. Fa monna wa gagwe a bona kotsi ke fa Thando a le mo kgweding ya bobedi. Ngwana yole, ke wa ga Rasebintsolo. Wena o ne o motiwa ka letsoku le ntse le sa go tshwanela. 
gabatshwane: Rraabo, ngwana ke wa rona! Bua puo phaa! A seso se ropologe re kgone go ikgwapitla. 
tsholofelo: Ao wena, tota! 
thando: (Ka go tshega. O betsa Kgature ka seatla mo legetleng). Hei, ratu! Matlho a gago a bogale e le ruri. Ke ntse ke ithaya ke re ga o bone sepe. 
thando: Ke go utlwile ka tsoopedi ntate. Ke ditlhong go ka ikatlhola. La bofelo le tla tswa go mme yo o nkanyisitseng. Fa e le moila sikeng la bona, e tla nna thetela. Ga ke batle go iphetola moipolai yo o sa lelelweng ke ntse ke rototse matlho. Lo a itse batho betsho, ka dipuo tsa bagolo. Ka ga me Ngakane a lebale. Ke tshaba go tsoga ke tshegwa ke dithaka mebileng. Se ke kopo ya me ya bofelo. (A emelela). 
Mponeng: E le gore mathata a simolotswe ke eng? 
kgatuRe: Ke eng fa o ne a o sa intsibose go sa le bošweng? 
ntaoleng: Heelang batho ba ga Ramoepa! Ke ne ke lo itsise fela e seng go kopa sepe mo go lona. Ngwana a re nna wee! 
15. Batho ba ba neng ba taya ngwana yo maina ba amana jang le ena? 
First published in 2008 
rwaletse. Ntshang ka ´tlhaa re utlweng. 
Jonase: Ke lebogile mma. Dumedisa ba ga Ntaoleng (O baya mogala) 
RaMoepa: (Ka go ikana). Ngwanaka! O ritibatse maikutlo, tsotlhe o di tlogele mo tlhogong tsa rona. Re tla dubakana natso go fitlha more o nna borethe. Dikgomo tsa bona di ka boela gae. 
thando: Heelang motho ke wena! Fa o riana o ntigela mo karolong ya dithoto tsa Rasebintsolo? Bona fa Ngakane, a re tlogele kgang ena, o ise o ntlhapatse tuu! 
go jewa ke bodutu: Go nna go sena motho yo o ka itumelang le ene le dira ditiro dingwe mmogo. 
thando: Ke mo go ya … (A emisa menwana e mebedi). 
thando: (Ka go tlhabiwa ke ditlhong). Ke a leboga abuti Kgature. Ke meditse molaetsa wa gago. Ke tla tsoga ke leboga bosele. E sere gongwe ka itlhaganela. Lepotlapotla le ja pholwana, modikologa o ja kgomo ya tona. 
b) Batho ga ba tshwane = Bathapi le badiri/ bathapiwa c) Sekoropolapa = Lerato d) Mosadi ke wa me = Loso le phitlho e) Metlholo ga e fele = Boagisani 
thando: Ga o mmakatse. Ke a itse gore Senkepeng ke menomasweu polaya e tshega. Ke ene a go kgwetseng botlhole jo. O go talafaditse sefatlhego jaaka kolobe ya leswafe e pontswe ke noga ya lebolobolo. ´Gano la gago le nkga botala jwa maaka. 
thando: Rra, ruri ke mo letsapeng. Fela jaaka o mpona ke le fano, ruri ke ikgoga fela. Fa e le nako ya go reetsa, ga e teng, e tlabo e le maaka fela. Tota fa o ka nkgolola motho wa batho, o ka bo o ntiretse molemo (O fetsa ka go edimola). 
ngakane: (O fetsa go metsa lenathwana la mosoko. O betile sebete). Rre le mme, ke kgangwa ke sengwe. Ga ke na boiketlo mo moweng. Ke ratharatha ka pelo. Ga ke na boikhutso mo mogopolong. 
thando: A re tseneng kwa ntlong. Kana mafoko a bofefo go ya le naga. (Ba tsena botlhe ka ntlo). 
senkepeng: O dirile jang ka lebaka le le…?. 
bantoMo: Betshong! Lo tla re itshwarela. Re tla re paputla le naga. Re batimedi e bile re barongwa. 
13. Ikgomotseng : Lesea la dikgwedi di le thataro la ga Thando mo nyalong ya bobedi. Batho fela. 
Rasebintsolo: (Ka tebo ya kgatlhego). Hei, moratiwa! Ka re o phatsima jaaka namane ya mogwere. Dinoka tsa gago di tletse tota … 
thando: (O lora a bua le Ntaoleng) “Thando ngwanaka, o se ka wa lebala tsamao ya me. Ngwana yo le mo botabotang yoo, ke wa ngwanake Rasebintsolo. Lo mmitse ka leina la Ikgomotseng. O bee tsebe thata gonne ke go naya taelo ya botlhokwa. Ke wena o re itatotseng, rona re tla gomotswa ke ngwana wa madi a rona “Ikgomotseng”. O tseye ngwana yo o mo ise kwa lelapeng la ga rraagwe. O tla fitlhela Tsholofelo le Ngakane ba mo emetse. Fa o ka nna tlhogo e thata, o tla lelela kgama le mogogoro. Ke bua gangwe fela, la bobedi e tla bo e le fa ke tlile go mo itseela, mme wena o tla sala o bokolela jaaka kolobe ya mokoduwe e longwa ke mekotou. Dira ka pele.” 
Jeso a re: ´A dipelo tsa lona di se fuduege lo dumele mo Modimong, dumelang le mo nna. Mo ntlong ya Rre go na le manno a le mantsi. Fa go ne go se jalo nkabo ke lo boleletse. Ke ya go lo baakanyetsa bonno gore kwa ke leng gone, le lona lo nne gone… E re ka ke tshedile, le lona lo tla tshela`. (Johane 14:1 – 3 le 19). 
nkeMeleng: (Ka go tsiboga). Hei, e seng leo tuu! Ke gana nnang wa banyana. Rraabo, ke tseo tsa baša. 
tsholofeleo: Mma, ke dirile thomo ya gago. Ngakane ke yo. 
gabatshwane: Thando ngwanaka. Elatlhoko gore Rasebintsolo o go agetse ntlo e e kana kang. Dithoto tsotlhe tse, di raya wena. O se intshe dijo mo ganong o di lebile. 
Offices in Johannesburg and Cape Town 
Jonase: O kopiwa go iponatsa mo kantorong ya rona mo Rustenburg. O tle le makwalo a gago a boitshupo. 
setonti: Tsa lenyalo tsona di feletse kae? 
bantoMo: Dumelang, rra le mma! 
tsholofelo: O opile kgomo lonaka kgaitsadi. Ditiro ga di latsane, rona re go lokolola ka mewa e e lokologileng. O nne o re gopole kwa o yang. 
nkeMeleng: (Ka mowa o o sa phuthologang) Go siame rraabo. 
tsholofelo: (O bua a ntse a tsamaya). Robala sentle mogadibo. O lore tse di monate. 
senkepeng: Wena mme, MmaThando! Motho yo Thando o setse a bonwe ke mongwe wa bahumi ba Tlhabane. 
gabatshwane: A o setse o kile wa latlhela tlhware legonyana? 
stored in a retrieval system, or transmitted in any form or by 
RaMoepa: Hei motho wa batho! O re tsenetse ka sekgoropa tsatsi le penne. 
Rasebintsolo: Ke ne ke re tsotlhe di apere tshiamo, re ka wela tsela. Pega dilo ka bonako. 
bantlhoile: Ga go nnete e e fetang e o e buileng. 
thando: (Ka lenyatso). Ahaa! O noga e e ipolayang mala. Ntlo e, fa ke rata, ke ka e tsenya mo kgwebong ka go dirisa boramolao. Ntlo e, e mpetsa mo phatleng. Go tswa mo go nna gore ka reng ka yona. Fa ke ka fetola maikutlo, lo ka sala lo itshwere matheka. (O tsena ka phaposi ya gagwe). 
ngakane: (A ntse a tabogile.) Bathong, thusnag! Ke a swa tlhe! Thusang! (Go utlwala swaa, swaa …! Mo tlhageng). 
senkepeng: (O mo tsena mo ganong). Iketle pele tsala. Wa re…? 
thando: Hei thaka! Ka re o nkeme nokeng e le ruri. 
16. A go ya ka wena seyantlo se molemo? Tshegetsa karabo ya gago ka mabaka a a utlwalang. 
thando: Rre Ntaoleng o ne a ntshwenya kwa ntle le go boela morago bosigo bongwe le bongwe mo torong. Sa bobedi ke gore o ne a batla ngwana. Jaanong ke ne ke sa itse gore ke ka raya ba bogadi ka reng? 
Mogapatiro/molwantshiwa: 
1. Matseno................................ v 
kgatuRe: Mo go nna o itshwenya fela. Lefoko ga le boe go boa monwana. Tsela ya gago e butswe. Taelo, batsadi ba me ke e ba neile. Molelo ga o fise bona. 
ntaoleng: (Ka go tenega). Le goka! Seo se ka se direge. 
thando: E seng nna! Letsatsi le ka tswa Bophirima la ya Botlhaba. Le fa o ka itoma sekgono … 
senkepeng: Tsena! 
senkepeng: A re o tsenwe ke eng? 
thando: (O iphimola dikeledi). Ratu! 
tsholofelo: O mo nneteng kgaitsadi. O tlamega e bile o tshwanelwa ke go tsaya mosadi wa ga abuti. 
Edited by Boitumelo Phalatse 
senkepeng: (O eme mo mojako wa phaposi ya go tlhapela). Ka re o bopegile tsala. Mojita yole o tla gapega maikutlo. 
phuthego: (Sefela.) 
A. 
gabatshwane: Le nna ke batla go tsokotsa mantlakatla a me, ke tle ke kgone go go silela kgala e le ya maabane. 
kgatuRe: Dumela mmaetsho! Re ntse re go tlhoafaletse e le ruri. 
gabatshwane: Nna ke ne ke re a ye go bitswa, molato o batla o ikutlwelwa ke mong. A ka tsoga a re itatola. Tsholo ngwanaka, siana o bitse abutiago ka pele. 
ntaoleng: A re o timeletswe ke eng? 
setonti: Dumela Thando! Ke eng o re phakeletse jaana? 
thando: (Ka tenego o thubaganya lebati la phaposi e e mabapi le eo a ntseng a e bitsa ya gagwe le Rasebintsolo). O robale teng ka foo, o tla tsoga o tswa ka nnete. Mosimane ke wena ga o na ditlhong. Batho fa ba ka utlwa ruri ba ka go kgwa mathe a ditlhabisa ditlhong. (O a robala). 
gabatshwane: Nna ruri fa dilo di ka bo di itirelwa fela, ke ne ke tla rata fa lo ka ithutana, mme morago Ngakane a rwala tlhako tsa ga mogolowe. Ga ke bone e le moila ope. 
6. Ntaoleng ene a re ngwana a bidiwe Ikgomotseng. Tlhalosa gore goreng Ntaoleng a naya ngwana wa ga Thando leina le. 
phuthego: (Go opelwa sefela 288). “Batho botlhe ba tlaa fela, ka ba tshwana le bojang. Ba tshwanetse go nyelela, ka ba le mo maleong. Mmele o tla bola pele, Ee, o tla tswa mo losong, go ya kwa kgalalelong. 
ngakane: Nkgonne Thando, re lebogela matsapa a gago. Ere le ka moso o utlwela mathata o re gopole. Re se latlhane, le fa tota… 
bantlhoile: (Ka go makala.) E le gore batsadil ba gagwe ba reng? 
gabatshwane: (A tsena ka phaposi). Thando ngwanaka o reetse rraago thata! 
nkeMeleng: Ele gore jaanong …! A re itlhoboge? 
senkepeng: Se tshwenyege. Ke tla go tsenyetsa “polasetiki” ya go go kokobatsa mo godimo ga metsi. (Botlhe ba mo letangwaneng). 
gabatshwane: Jaanong? E le go ree…! 
Mponeng: Nnyaya bagaetsho, go fetoga ga re a fetoga. Molekane wa ngwanaarona o ithobaletse. A ngwana a gololosege mo botshelong. Kgole e e neng e mo tlamile e kgaogile. 
thando: Lo saleng sentle! 
Research: Challenges and constraints faced by Educators regarding conflict Management and Resolutions in the Primary School of Moses Kotane East APO Bojanala Region. 
ntaoleng: Ga o a fosa ngwanaka, fela bothata e tla nna jo bogolo jang ka o nna kwa moepong. Go raya gore o ka tloga wa di okomela gangwe ka kgwedi. Kana, fatshe leno, ga le a robala. Magodu a lona a bofitlha e tswa a le ntletsentletse. 
thando: (Ka boletanyana o ja lebati ka monwana wa kgonojwe). Koo-koo. A go a tsenwa? 
ntaoleng le gabatshwane: (Ka gangwe fela ) Ahee ngwanaka! 
thando: O letse a iphile dikobo tsa ga Rasebintsolo. O letse a nwele pitsana ele ya mosetlha. O ikanne go tlhakanela le nna mapai go tloga jaanong. (A rothisa keledi ya kutlobotlhoko). 
gabatshwane: Ijoo, nna wee …! (A petula matlho. Setulo sa menoga. Ntaoleng le Setonti ba mo kukela kwa ntlong). 
kgatuRe: (O tshikinya Thando.) Heela, Thando! robala sentle. Ke eng o ntse o kunyakunya jaana? 
tsholofelo: Ao, tlhe! Dumela ausi Thando. 
ngakane: Go tloga gompieno jaana o itse fa e le nna motsamaisi wa lelapa le. Phaposi ya ga nkgonne e tlile go nna ya me le wena. Ga go monna yo o tla lekang go tsena ´sikeng la rona. Ke ikana ka nkgonne a ntse a ithobaletse. (O bua a tsena ka phaposi ya ga Thando). 
thando: (O ikhurumeditse ka kobo). O bua nnete ratu. Ke tla leka go robala ke patlame. 
senyaka: Nnyaya norwarre, ga ke kgakala ka puo, mme fela go sengwe. Malatsi a ke bona gangwe le gape o tlhoname. A ga o ise o itlholboge ka tiragalo ya ga mogoloo? 
Mponeng: Bagolo dumelang! 
gabatshwane: Go siame ratu, ngwetsi e utlwile. Tselana e tlhagolwa ke mong. Ramogola e fenoswa ke ba e ba babalelang. O se lebale go phalotsa makwati a mosetlha tlhakoreng la Botlhaba, re tle re kgone go fetola pitsa ya ngwetsi. 
lenyalo la lepotlapotla. Mo go nna o tlhoboge. O tlile go itaya kwa ntle. 
tlotla, le ene o a nthata. Ga a kgone go dira 
1.2.3 Tshekatsheko Fa ba buisitse, ba tlhalogantse ke gona ba ka tsenang mo tshekatshekong ba dirisa ditheo tsa ya tshekatsheko ya terama, bogolosegolo ya teramakhutshwe . 
(Ka nako ya boraro mo thapameng, Thando o goroga kwa gaabo Kgature. O fitlhela Kgature a na le batsadi ba gagwe ba adile kojwana mo motlhong fa thoko ga ntlo). 
ntaoleng: (A le esi). Go siame batho betsho. Lo gopoleng gore ngwana wa mosetsana segotlholwa o a latlhwa. (A tsena ka ntlo). 
bantoMo: (Ka go tlhomoga pelo) Mmaabo, le wena Kgature. Ke kopa re neeleng ngwetsi ya rona tlotla. Ngwana ke wa maitibolo. A re se ngangeng. O tloga a nna ka go ngobaela. 
ntaoleng: Wa re eng? (Ka makalo). 
ntaoleng: Heela monna! Leba fa monna wa batho. Wa re ngwanake o tlhokafetse? 
bantoMo: (Ka makalo). Tlhang o ka re re fitlhela tseo re sa di tlelang. Bothata bo fa kae bagaetsho? 
thando: Ga go kgonege, e bile ga ke boele morago. Mosimanyana yo, o tota a sa mpone. A bagolo ba tlogele leina la me, ba fasafasetse Ngakane molekane yo o mo tshwanetseng. 
bantoMo: Bagaetsho! Re tlhotse, ka jalo re kopa tsela. 
gabatshwane: (O tlhaga a kubakuba). Ga twe ke eng tota ngwnaka? (O a lela). Ruri ga twe ke ne ke ile go go bona kae? (Ba tshwaragana ka magetla). 
thando: Ke rre Ntaoleng. 
thando: Ke lebogetse thata go nna le lona ka nako tsa matsapatsapa. E kete Modimo o ka re babalela rotlhe fela. Ditlhokwa e kete di ka re robalela ra tla ra kgona go namatshega. tsholofelo le 
gabatshwane: Ao, ngwanka! A o ne o gopotse yole Rasebintsolo? 
phuthego: (E tswelela ka go opela sefela). MoRuti isang: (O bala mafoko mangwe a kgomotso. Pesalema 103:13) ´Jaaka rra-bana a tla a utlwela bana ba gagwe botlhoko, Morena Modimo le ene a tlhomogele ba ba mmoifang pelo fela jalo. 
Mponeng: (A mo tsena ganong). Ehee! Ke ne ke ithaya ke re go ile fela jalo rra. Nkinele diatla metsing motho yo montle. (A phophotha diatla). 
ntaoleng: O ikilele mo direng. Dithaelo o di rukhutlhe. Dipitsa o di nwe go ya pheletsong. O tla iteboga. Aparo se sa gago o se tlotle. Ke letshwao la thatano ya batho ba ba kopantsweng ke Modimo. 
senkepeng: O a bua tsala. O tshwanetse go ingaparela. Kgobokgobo e a ikgobokanyetsa… Motho ke go gata monwana o mogolo wa leoto. Tse dintsi re tla di tlotla fa re kopana gape. Ga ke ile go tsena le wena kwa ga gago. O tla ba dumedisa. Ba tloga ba nkakaretsa mo marareng a lona a dikgang. (Koloi e tsetlela fa hekeng. Thando o bula a boa a tswala lebati. Koloi e wela tsela. Thando a ema go fitlha koloi ya tsala e tikela). 
ke ngwetsi ya rona. Taolo mo go yona… 
thando: (A ntsha “enfelopo” mo sekgwameng. A naya Kgature) Se ke madi a rona boobedi. 
RaMoepa: (O emeletse). Lo saleng sentle ba ga Ntaoleng. Lo tlhogo di thata fela jaaka nama ya tlhogo. Lo se sale lo kgerisa ngwana yoo, go seng jalo, ke tla tla go mo phutha le seo e leng sa gagwe. (A tlhaba jase ka legetla). 
thando: O robale sentle, o tle o lale o lora mmamaaka yole wa gago Senkepeng. Lenyalo kgale le kgabagantse mo go ene. O ithutile fela go thuba metse ya batho. Senkepeng ke noga ya maoto a mabedi. Ke phiri e e apereng letlalo la nku. Nxa! (A tsena ka dikobo). 
tsholofelo: Ntlo ya ga Rasebintsolo e fetogile ya ga Ngakane. Wena o tlile go nna fa kae? 
ntaoleng: Ke nna tlhogo ya lelapa le. Yo ke khumagadi ya me. Ke mosadi wa me wa go tshega le go tlhonama. (O a tshega). 
Kgato Tiragalo 
bantoMo: (Ka kutlobotlhoko.) Banaka botlhe fela ba ke lo rantang, gomotsegang. Lo sa le ba botlana go ka itlhoboga. Se ileng se ile…! 
nkeMeleng: Dumela ngwetsi ya rona. Ke sebaka re ntse re beile seatla phatleng. 
thando: Se rialo tlhe ratu! Kana o nthatile, le nna ke go ratile. Mo go nna le wena ga go na nama ya pateletsa. Re ngatana e le nngwe fela. 
bantlhoile: Botsala jwa rona bo tshwanela go ya marung. Nna pelo ya me e phophoma ka boitumelo. 
thando: (O tshwaraganya menwana). Ruri, ruri fale ba sa nkitseng! Noga e go thweng Senkepeng ele, e tlile go di gama e sa di tlhapela. Ke ya go apara kobo e le nngwe nae. 
tsholofelo: Abuti ema tlhe ke go thuse. Ke nna Tsholofelo, kgaitsadio. Mme le ena o mo tseleng go go thusa tlhe. (Ngakane a ema, e le go kopa thuso ya go bofolola kalana). 
Rasebintsolo: (Ka boitumelo) Wa rialo tota! 
1.2.2 Puiso Mo go buiseng, baithuti ba leke go tlhaloganya mafoko le kgang yotlhe ka kakaretso. Ba latele ditiragalo sentle, ba bone mabaka a a di tlholang. 
senkepeng: (Ka go tshega). Ke ne ke ipotsa gore a o ka palelwa ke go baya nkwe botsetse. 
Motlhalerwa: ke bomorafe jwa 
kgatuRe: Dumela ratu. (A mo atla). 
senkepeng: Kana motho o bolokwa ke motho a sa mo itse. 
senyaka: Oaii! (Ka lenyatso). 
kgatuRe: Nnyaya mma, le ene ke paki. Sebe sa phiri ke gore o lala a kunyakunya bosigo bo le kana. 
Mponeng: Pelo ya me e nthaya e re ke ka bo ke setse ke thulane le batho bale. Kana re ya go tsetsepela mo go ganeng. Ga re kitla re suta mo dikakanyong tsa rona. O nthusitse ngwanaka Senkepeng. Jaanong ke na le maitsetsepelo a go tiisa go gana. 
thando: Dumelang, bagolo! 
thando: Jonase! (Ka makalo). 
RaMoepa: Rona re gana lefoko la seyantlo. Se pateletseng ngwana se a sa se batleng. Letlametlo ga le ke le lela fela,le a bo le utlwile a magolo … 
Jonase: Nnyaya rra, mme ga a fose. Ke tshwanelo ya go botsa. Motlhala wa motho ke molomo. (Pele a ka bua leina, a baya dikwalo tseo a di tshotseng fa fatshe. A tsenya seatla mo kgetsaneng ya maratagolejwa ya letlalo. A ntsha dikaratana. A neela mongwe le mongwe ya gagwe). Nna ke Jonase fela jaaka lo bona mo dikarataneng tseo. 
Ramoepo: Lo itse fa ke beela ba bogwe seelo. Fa e ka re ke tsena ba phatlalatsa menwana, ke tla tla go lo itsise. Fa ke sa bonale lo itse fa gongwe ba e ngotlile. Ke batla lo re tlhatswe diatla tsa kgodiso ka dikete di le. (A tlharalatsa menwana ya matsogo e le tshela). 
Jonase: Se tshwenyege motho yo montle letsapa ke mogatsa mmele. Fa le go ngaparetse, o tshwanelwa ke go dira ditshwanelo tsa lona. 
(Marapo a neelwa malomaatsona). 
ngakane: Ga go sepe sa ga nkgonne se se tla tlolelang kgoro kwa ntle. Fa o ithutla, o tlile go tswa ka ditswalo tse o tlileng ka tsona. 
29. A gona mmuisiwa o kgonne go rukutlha dithaelo? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. “Ke belaela gore monna yole o tsamaile a gadimile. Ga ke tlhaloganye gore o timeletswe ke eng mo lelapeng la me” 
thando: E kete ke tla nna lesego. Ke utlwile a umaka go loma bagaabo tsebe. Ka go tloga gompieno gona, leseanyana leo ke le imileng, le na le ntataalona. Go sa kgathatse gore dikgwedi di reng, tseo ga di nthee. 
setonti: Dumelang botlhe fela. 
thando: Ke a utlwa ratsale. 
thando: Ee, o re go mpona ke patlapatlile jaana, go nkga go sa bola. 
ntaoleng: Bua seo le tlileng ka sona. E kete re tloga re lo thiba molomo lo ise lo itlhalose. 
Sekoropolapa: Ke lesela le le dirisiwang go phimola metsi le go phepafatsa mo fatshe. 
senkepeng: Go ntse go tsamaya jang? 
o di itimang. 
Ralekwatiti: Keresete, Morwa Modimo, Morena wa rona yo a rategang. Ke neela moya wa motlhanka wa gago mo diatleng tsa gago, ka gonne o mo golotse, Modimo wa me wa boammaruri, A… men. (Phuthego e boela gaeng la moswi). 
Book design by MML Design Studio 
a) Morero/thitokgang Morero/thitokgang ke modi wa kgang ya terama. Ke yona e kgotlhang ya terama e melang mo go yona. Ditiragalo tsotlhe tsa terama di itshwareletse ka ona. Merero ya diteramakhutshwe tsa rona e ka nna e e latelang: 
ngakane: Tsholofelo kgaitsadiaka, a re ye go isa marapo go beng. (Ba a tswa) 
kgatuRe: (O leka go tshegetsa Thando, keledi e tshologa bobeding). Itshoke tlhe Thando! Nolofatsa mowa wa gago o tle o kgone go amogela se se tlileng. 
Mponeng: Ke reeditse (Ka monyenyo). 
tsholofelo: Ao ! dumela tlhe nkgonne. Tsena. (A goga setilo go mo neela). 
Printed by 
nkeMeleng: Tota le molao ga o dumele mo kgoreletsong ya bana. Yo o nonfileng o letlelelwa go itseela tshwetso ntle le go rerisa batsadi. Jaanong batho ke ba, ba thatafaditse melala ya bona ka ngwana ba sa mo anyisa. 
RaMoepa: (O hupike tedu.) O raya jang? Itlhalose monna. O ithaya o re o a re tshosa. Nnyaya e seng go sotla ngwana wa rona. Lefatshe le, le namile. A ngwana wa lona a phasalale. A tswe letsholo. A se phalwe ke khukhwane ya boloko. 
bantoMo: Dumelang bagaetsho! (Ba fana diatla). 
ntaoleng: Nnyaya mmaabo! Se ba etelelepele ka mafoko. O tloga o ba dira gore ba boe ka seo ba se hupileng. Ba ga Bantomo repang. 
ntaoleng: (Ka go tenega). Ramoepa, o nyatsitse lelapa la me. O le nyefotse. O re tsentse matlho a batho. O lenyatso, mme fela tsatsi lengwe le tla go tlhabela… 
ngakane: O nepile fa o re ke boele gae. Ke kgopolo ya me eo. Fa ke tloga fa, ke tla bo ke kibetse ka makgowa. 
senkepeng: Bona fa wena tsala. Motho yo, o montle, o itsholetse e bile ga a ise a ikgolege ka kgole ya nyalo. O tla iponna le wena, o a go tshwanela. 
thando: Ga se koo ke kwano. (A atamela mmatsale le rratsale. A ba naya molomo bongwe ka bongwe) Bagolo ba me dumelang! 
thando: A o a bitsa rra? 
nkeMeleng: (Ka setshego). Fa lo isitse bogadi lo tle le ngwetsi ya rona. 
Mponeng: Re tsogile ngwanaka. A mantsi ke maaka fela. Ke letse ke baba ditsebe tshegare lotlhe fela. 
kgatuRe: Dumelang bomma! 
tsholofelo: (O tshamekatshameka ka lesela la tafole). Ausi Thando! 
Rasebintsolo: (O tsena mo ntlwaneng). Ntate, ke sa ntse ke felegetsa Thando go ya go bona tsala ya gagwe. 
ntaoleng: Rra, dipoo ga di ke di bopa lesakeng le le lengwe. Re bona jaaka lo batla go re tlola tlhogo. Sengwe gape ke gore lo eletlhoko gore kgori e bona lee… 
thando: (Ka dikeledi). Ikgomotseng o petutse matlho. O gana go tsoga. 
thando: Ke a leboga fa o ntetla go ya go utlwa seo ke se biletswang. Ke tla ipaakanya. 
thando: (Ka ditshegwana) Ratu! O tla bo o e lole fa o ka dira jalo. Kana ntlo ga e beele e tshwana le lenaga. (A tsena ka phaposi ya go tlhapela). 
thando: Dira jalo ka bonako rra. O se lebale go ntaelela mo go rre. 
kgatuRe: Ke ka se tsene. Lo tla sala sentle. O tla sala sentle. O itlhokomele. (A mo atla). 
thando: Wena Ratswale le Mmatswale, ke itlamile ka tukwi lethekeng. Ke ne ke lebogetse thata go nna tlase ga batsadi le molekane wa me. (Keledi ya palelwa ke go itshoka). 
20. O ne a bua le mang? 
ntaoleng: Monna Ngakane. Re go biditse fano. Go mafokonyana a re ratang go a go botsa. 
gabatshwane: Heelang! (O itshwara dinoka). 
• Go nna mosupatsela go barutabana fa ba tataisa barutwa. 
9. Thando : Kgarejwana ya maratagolejwa. Ke ngwana wa bobedi wa ga Mponeng. Ba lelapa la ga Bantomo mo Tlhabane. 
ntaoleng: Nnyaya tlhe mmaabo! Iketle pele, moeng a fodise maoto. 
ntaoleng: Ga se ntlo fela, dinamanyane le tsona ke tsele di tlala seatla. O nne le rona ka phuthologo. Badimo ba tla go alela diatla. O tla robalelwa ke ditlhokwa. Mo sebakeng se, ga o tlhoke sepe. Seo se ka go tlatsatlatsang le naga. 
thando: O opile kgomo lonaka. Ga go nnete e e phalang eo. (O bua ka monyenyo). Ke itsitse gore o ka se ntshwabise, tota le fa pula e ka gosomana ka morwalela. Kana ke mosadi ka wena. 
ntaoleng: Ke batla go sianela dinamaneng. 
RaMoepa: (O tlhomile mogatse matlho). Ao, mmaabo! Motho ga a lebelelwe jalo tlhe. 
thando: Mme le rre, ke lo rata tota. Kgature ena o a itse, ga ke bolo go mo netefaletsa ka moo ke mo ratang ka teng. 
setonti: Sebare, nna ka re tlogela fela. Botshelo jo, leotwana bo a dikologa. Lepotlapotla le ja pholwana modikologa o ja pholo ya tona. 
lesope: (Ka go hemelwa). Abuti Ngakane! 
6. Setonti : Kgaitsadia Gabatshwane. Ba lelapa la ga Ramoepa mo motseng wa Kopmane. 
ntaoleng: Fela jalo ngwetsi ya me. Modimo o dirile thato ya Ona. (Senkepeng le Thando ba thubagana ka selelo). 
setonti: Nnyaya mma, nna ke tshaba go tsoga ke di seka. E re ke bitse beng ba legae. (O tswela kwa ntle go bitsa Tsholofelo le Ngakane) 
senkepeng: Ga ke re ga twe. Tsotlhe di rulagantswe ke nna. Fa ke bua jaana Thando o tsoga mo hoteleng ya Tlhabane Sun le lekau la gagwe. 
(Ka nako ya sethoboloko e le La-Mosupologo kwa Kopmane lelapeng la ga Ramoepa, go tsena Thando le Senkepeng. Batsadi ba ga Thando ba adile phate tlase ga mokaloba wa setlhare sa morula.) 
RaMoepa: Direla ka pele re ikgobole kgokgotso. 
RaMoepa: Re batla go itse gore fa lo re naya ngwana wa rona lo ka re kopa bokae? 
bantoMo: Rre Ramoepa. A re se etelelwe ke bomme pele, Wena o bona jang? 
tsholofelo: Go siame mma. Ke tla dira ka bonako. (O a siana). 
17. Ralekwatiti : Moruti wa Kereke ya Pentekosete mo Tsitsing. 
thando: Go mabaka a mararo a a mpoifisang. Ke tshaba go itlamaganya le motho e le gona ke mmonang. Sa bobedi ke fa a ka tloga a lemoga fa ke le sesading. La bofelo ke gore, ke sa ntse ke le moswagadi. (O ikokomela ka fa le ka fa). 
gabatshwane: (O itumeletse mo pelong). E le gore o kae mo nakong e? 
lesope: (O tsentse lekgotla la pelo. O itayaitaya mpana ya moretlwa mo diropeng). Heelang, bathong! A selo se ke pono ya matlho a me kampo ke a lora? Motho o rankganya mo thapong! E re ke mo atamele. Mmalonnawee! Motho yo ke abuti Ngakane. E re ke betsegele gae go kopa thuso. (A wela tselana ya dikgomo go leba motseng). 
any means, electronic, mechanical, photocopying, recording, or 
Mponeng: Heelang bathong! Motho yo ke ngwanake Thando? (Ba atlana). 
thando: (Ka lenyatso.) Owaii! O ithaya o re o tshosa mang? 
gabatshwane: (Ka go rotola matlho). Tswelela ngwanaka. 
DIPOTSO TSE DI KHUTSHWANE 
Modiragatsimogolo yo o ngongoregang 
18. Lesope : Mosimane mo motseng wa Tsitsing. 
“O laetse jalo”. Terama (Shutter & Shorter) 
kgatuRe: Ke toro ya ga Ntaoleng. Gangwe le gape o ne a tlela Thando, segolo fa motho o ne o re o tla thuba kobo segole. Fa a setse a ka gakologelwa toro, o ne o ka se tlhole o dira sepe ka ene. 
bantoMo: Ke a go leboga rra. Kgwedi e e tlang re tshwanetse ra bo re keteka moletlo wa lenyalo. Ke tshepa go tla bogela yo o sebete. 
thando: Ke ntse ke lebala go go loma tsebe tsala. (A tswa mo metsing). 
3. Tharaano Bothata bo golela pele Go a raraana 
ngakane: Mogalammakapaa! Tlhang e kete o tla inkitimetsa ka thoto ya mafoko morwarre. Nta ke go neele sebaka o phunye boladu mmutlwa o kgone go photsegela ntle. 
thando: Ke lebogela dikakanyo tsa lona. Ke bona ruri lo nthatela bontle. Ba a tlhokwa ba ba tshwanang le lona. Ke lo tshepisa gore ke tla ititaya sehuba. Ke tla dirisa maano a lorato go tswapetsa rraabo. 
gabatshwane: Re ka go thusa ka eng? Le gona rre ke mang? 
(Kwa ntlong ya ga Rasebintsolo. Ke nako ya go robala. Ngakane o rapaletse mo sofeng.) 
3. BATSAyA KArOLO MO MOTSHAMEKONg 
(Ke nako ya masome a mararo go tswa ureng ya borobongwe. Kwa ga Senkepeng go goroga Thando le mogatse. Senkepeng o na le tsala ya gagwe, ba thubile kobo segole). 
• Go nna mosupatsela go barutwa fa ba dira tiro ya tshekatsheko ka bobona, go buisa le go tlhaloganya dipotso mmogo le go araba ntle le go sutlha sekgwa. 
bantlhoile: Ka re ruri malatsing a gompieno jaana, dilo di thata e le ruri. Motho o sotlakwa ke ngwana, bagolo ba ntse ba lebile. 
thando: Ee, go ntse fela jalo. (Kgature o goroga kwa ga Senkepeng ka selailai sa mmala wa botala jwa loapi). 
thando: (Ka ditlhong.) Dumela, rre. 
tsholofelo: Ke etla Ausi Thando. (A tshwara berebere, lebati la pheuga). 
monnao. Le fa go tweng tota! 
thando: Monna yole o ne a nthata ka pelo ya gagwe yotlhe fela. Motho wa boraro e ntse molotlhanyi. 
13. Thando o reile Mponeng a re a se ke a ntsha mosi ka sekhurumelo fa a bua le Ntaoleng le mogatse, ke mosi wa eng? 
gabatshwane: Ga re itse banaka. Ke tla utlwa mo go lona morago ga malatsi. Tota ga ke rate fa a ka tloga a ithaya a re kgang e, e tswa mo go nna le rraalona. (Ba a kgaogana). 
Mokganatiro/molwantshi: 
RaMoepa: Ke a bona o a tsenwa mosimane yole. O tlhoka kwa a ka pitikelang teng? 
ntaoleng: Nna ke rraago, yo ke mmaago (A supa ka monwana). Yo ke ngwana wa rona, ngwetsi e re e ratang jaaka re ithata. Ga re batle go mmona a tlhoname re sa ntse re tshela. Ka bokhutshwane, tlhalosa tiragalo ya maabane bosigo. 
tsholofelo: Owaii! O itshokodisetsa eng tota? Ausi Thando o mmontshitse gore ena ga go bonolo go mo fetola mogopolo. A ineele. Se nkganang se nthola morwalo. 
ntaoleng: (Ka go beta sebete). Ngwanaka, ngwetsi ya me. Marama a hupile bodila. Mpuru o faretswe fa go le jaana. Rre yole wa moeng o tla ka matlhotlhapelo. O ntheetse ka tsebe tse pedi ngwanaka. O godile ngwanaka. 
ntaoleng: Owaii! Wena o ipuela ditsiabadimo fela. (O tswela kwa ntle). 
gabatshwane: O raya jang ngwanaka? 
gabatshwane: Ga go na madi a re a tsayang. Lo a busetse batshi ba ona. Lo ba tlhalosetse fa go retetse. 
ngakane: (O gadimisetsa tlhogo ka fa le ka fa). Kgaitsadi, O intshwarele tuu! Ke bakile e le ruri. Thapo ga se molekane wa motho. 
senkepeng: Dumela tlhe tsala ya motho. 
thando: Ke go utlwile mma. Nta ke lo direle mogodungwana. Ke tlile ke lo reketse “ditšhipisi” le tlhapi. 
ngakane: Motlholo ke yoo betshong. Nna ke tsere tshwetso ya go itekanya morwalo, le gona poela e a bolaya. 
senkepeng: Tsala, ruri re go itumeletse. O phuthologe tsala. O dire se o se batlang ntle le letswalo lepe. 
32. Fa a re ‘monna yole’, o timeletswe ke eng? 
Jonase: Betshong. Ke kopile tshwarelo. Ke batla go lo tlhaga thuso. 
thando: Mme o ne a reng? 
Jonase: Dumelang bagolo! (O ba naya seatla ka bongwe ka bongwe a ntse a kobela tlase). 
ntaoleng: (A simolola go baba lebadi). E le gore jaanong fa o bewa ke eng rra? 
thando: Rratsale Ntaoleng, o tlogile a ntse a mpolelela gore leina la ngwana e nne Ikgomotseng. O ne a kopa gape gore ke busetse ngwana gaeng la gagwe. Ke ngwana yo ba neng ba gopotse go ikgomotsa ka ene. E rile go retela re mo amoga. Lorato la ga rre Ntaoleng mo go nna e ne e se la go ipateletsa. E ne e le la mmatota. 
nkeMeleng: Bogale jwa kgang ena bo gaisa bogale jwa semane. Bothata jwa yona bo gaisa jwa lerapo la momo wa kgomo ya motsofe. 
RaMoepa: E le gore Kgature o lemogile jang? 
thando: Heela, tsala! Ka tla ka tlholelwa ke batho ke sa nagana. 
thando: Rre o raya jang jaanong? 
thando: Tlhang e kete o mmakaletse? Ke eng e kete o tla ntshosa jaana? 
Mponeng: Ga se nnete. Re lo tliseditse ona, mme lona lo gana go a tsaya. Ke lona lo ka re senyang leina mo bathong. (Ba tsena mo koloing. Ya thuntsha lerole go leba Kopmane.) 
(Go mo mosong wa letsatsi la Mosupologo, kwa ga Ntaoleng. Thando o laelana le ba losika la ga Ntaoleng morago ga letsatsi la phitlho). 
nkeMeleng: (Ka go tenega). Heela, mosadi! Lapa le, la ga Bantomo e seng Ntaoleng. Ntaoleng yoo wa teng o itshwetse e seng rona. 
senkepeng: (A letsa mogala). Hallow rra! Ehe! Ke wena Kgature?. Ke nna Senkepeng. Ee, o se lebale go tla ka nako. Motho yole o gorogile. (O a tshega). O tla tla o iponna ka a gago matlho. Ke … (O a tshega). O re tlele tse di monate, sala sentle (O baya mogala). 
thando: Ga a tshwenye. Re tla nna basadi ba gagwe bobeding ba rona. 
14. Lereo “maikwatlhao” le raya goreng? A ditiragalo tsa terama e di maleba mo setlhogong se? Anela ka botlalo bomaleba jwa sona. 
setonti: Tsena Mokwena yo mogolo. 
setonti: O nna le ene jang? 
Rasebintsolo: Go siame mogatsaka. Phuthologa kana ke rile photi tlaya o je letlhodi. (O bua a ntse a tlhapa) 
Modimo: Re a leboga fa lo tlile go re phimola dikeledi. Keledi ya rona e ile godimo. Re tota re latlhegetswe ke letlhogela. Fela ka e le thato ya ga Rara re a gomotsega. E re lo sena go itsokotsa diatla, lo emeng go na le lenathwana. Sejo sennye ga se fete molomo… (Ba a phatlhalala.) 
(Kwa ga ga Ntaoleng ka nako ya borobongwe mo mosong wa Labobedi. Go goroga Jonase, letwadi la gagwe le bekenya jaaka phologolo e latswitswe ke tlhware. Ntaoleng, Gabatshwane le Setonti ba iketlile ka go ja kabu). 
ngakane: Lo tlile go kopanela kwa mebileng. E seng fa ga abuti. 
gabatshwane: Lo se lebale, ngwetsi ke ya rona. Ga se kgomo ya mafisa… 
thando: Mme le ntate. Nna tota ke tshaba go godisa 
kgatuRe: O tlile go a bona kwa o a ithutileng teng. Madi a o, a jelwe ke ditshenyegelo tsa 
thando: Ke a bona o tlhoka kwa o ka tshamekelang teng. (Ka go tenega). 
kgatuRe: Wa reng? Ka pele jaana! O tshwanetse wa bo o e loba. Ke a belaela. Kgotsa e na le sephiri? 
tsholofelo: Fa e se mokgwa ke malao. Motse re feta wa balala wa baruakgomo re tsena ka ona. 
RaMoepa: (A mo tsena ganong). Rra wee, ke eletsa fa o ka tlogela go nna bofitlha. Ga ke go tlhaloganye sentle rra. 
senkepeng: (Ka go nyeba) Ao, tlhe! O rata gore batho ba nje ka dinala. Ka nna o eme pele tuu! 
senkepeng: Maano ga a site … (O mo supetsa ditokana tse pedi tse di ntse di kgwageditswe). 
(Mo ntlong ya ga Ntaoleng ka nako ya maitiso, Ngakane o tshwaraganetse kgang le batsadi ba gagwe). 
ntaoleng: Ke batla gore lo itse fa go se kitla go tsena gopane kgotsa lekgalagadi mo lelapeng le la ngwanake. Ke tlile go ja motho ka boloto jwa selepe. Lo nkutlwe ke bua fa ke riana. 
kgatuRe: Dumela, morwarre Senkepeng! 
ntaoleng: O opile kgomo lonaka mmaaabo, ga re a tshwanela go bofaganya loleme la ngwetsi ya rona. Marara a botshelo, a batla motho a fodile mogopolo go a rarolola. O se ka wa iphitlhela o apeetse thukhwi le mala. 
thando: Ke tshwanelo mma fa lo ntse lo nkgopola. Mma! Yo ke tsala ya me Senkepeng. O nna kwa maphatsiphatsing a lokeišene la Geelhout Park. 
thando: (Ntle le ditlhong dipe) Malome o re go mpona fa, ke gona fa ke tlile gae! 
thando: Ke a go tshwara jaanong. O ka tswelela pele ka kgang. 
thando: (Ntle le go dikadika.) Jaaka ke kaile malome. 
33. Bantomo a re Ikgomotseng o ba thobetse. O raya jang? 
34. A gona o thobile? Tlhalosa “…A o ke o ntswele ka nnete yotlhe fela. Mphe boteng jwa ga Thando…” 
Molaetsa: Thuto ya mokwadi ka setlhangwa sa gagwe. 
Jonase: Motho wa batho dumela (O mo naya seatla) Phuthologa mme o tseye manno ke a (O supa setilo se se fa pele ga gagwe). 
RaMoepa: Kgang e lo e buang, e ntle mme e popota e le ruri. Ngwana ke wa rona mme tota ga a mo thatong ya rona. Kwa a ileng teng o ne a ile ka dikgomo. 
gabatshwane: O nepile rraabo. Tiego e tsala tatlhego. E kete re tloga re thanya lomapo lo le tsebeng. 
thando: Bathong, lo tsogile jang? 
Jonase: Fa ke bua jaana o beilwe mo ntlong tsididi ya ditopo. 
Ke tlolomolao go gatisa le fa e le nngwe ya ditsebe go tswa mobukeng e ntle le tetla ya bagatisi ba yona. 
thando: Kana ke tla bo ke godisa motho, mme go twe ke monna. A metlholo ruri. 
ngakane: Ke raya wena le thoto ka kakaretso. 
thando: Kwa go mang? 
gabatshwane: (O tshaba go lelela godimo, O suma fela.) 
senyaka: Fa o ka baya mogopolo mo go seo, o tla tsoga o ja maswe a thaka tsa gago. Ethimola monna. Bosa bo sele. 
ntaoleng: Go siame ngwanaka. O ngwana o a rerwa. Mphe sebaka go ya go bona bagaeno bosele. 
Lemorago: Maitshetlego/tikologo le nako ya ditiragalo. 
senkepeng: Tsala, tlogela go ratharatha, phokoje go tshela yo o dithetsenyana. 
tsalong go ya losong, le fa a sa ntse a tshela. 
RaMoepa: (O ntsha sekgwama. O se baya fa pele ga dinao tsa gagwe). Rre Ntaoleng le mme Gabatshwane. Re boile re ikgatile motlhala. Re tlile jaana re latetse motlhala wa ga rre Bantomo le mogatse. 
bantoMo: O bua nnete ngwanaka. Motho o itsiwe ke motho wa gagwe. Phuthologo e ntse e ngotlega hubeng sa ga Thando. Ke mo etse tlhoko makgetlo a a mmalwa. 
thando: Owaii! Sepe fela. Ba tsere mo go ene. Ga ba ise ba itshwenye le go isa molaetsa kwa gae. 
49. Fa Thando a boela gaabo, Ramoepa o ne a mo rotloetsa go boela kwa ga Ntaoleng. 
thando: Dumela nnake Ngakane. 
RaMoepa: Bagetshong! Ke nako ya gore ke reme ka selepe. Palagabedi e sita palagangwe. Fa ke lo kgaola monwana lo ipege e tle e re ka moso ke lela lo mphimole dikeledi. 
ngakane: (Ka ditlhong). Kana go raya gore fa Thando a gana ke mo nyala, o tlile go swelela mo dithotong tsa ga nkgonne. 
setonti: Phuthego e ntle ya Morena, go diragetse go diragetse. Re tsere sebaka go dumela se re se tletseng fano. Thato ya Modimo ga go yo o ka emang kgatlhanong nayo. Re ne re solofetse go le go ntsi mo lekawaneng le. Ke motlogolo wa me. Ga se wa ntete foo, o nkotla mo 
gabatshwane: Tsena. 
RaMoepa: (O bua ba ntse ba tswa ka kgoro). E seng wa me ngwana. (Ba a tswa). 
kgatuRe: Thando ga a bue nnete. Go na le sengwe se se sa phuthololang pelo ya ga Thando. O hupile bodila bongwe ka marama. 
ngakane: Fa o bua jalo, go raya gore le nna ke na le tshiamelo ya go tsaya tse e neng e le tsa ga nkgonne tota ntle le kgoreletso ya motswakwa. 
44. Leseanyana le Thando a neng a le imile le ne le se na rra lona go fitlha a kopana le Kgature. 
bantoMo: Se tshwenyege rra. Moselwa wa pula o baakangwa go sa le gale. Mo go rona tsotlhe di ntse motwenene. Kgetse ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa. Re itlama go tloga gompieno go nna ngata e le nngwe le lona. 
thando: (Ka botiumelo) Ntate, ke tlhoka mafoko a go leboga. Ke ne ke ka a dirisa otlhe fela. 
7. Ntaoleng fa a naya Thando leina la ngwana o ne a le kae? 
21. Ngwana wa gagwe yo a yang go kopana le ene ke mang? 
thando: O ne o reng rraabo? 
Jonase: Hei! E kete ga le a ntlhabela. Ke bona ke ile go boa ka ngoba e sa fotlhwa. (O bua a le esi). 
thando: (Ka phuthulogo ya sefatlhego) Rra wee! O ntsentse mo sekgoropeng. Tshimologong o buile ka MMF jaanong o nkokeletsa ka MVA. 
Rasebintsolo: (Ntle le go senya nako, a mo atla). Heela mmaabo! Fa ke leng fa, pelo ya me e kibakiba jaaka kgankgathi e dirwa ke meroba kikeng. O ka re ke ka tsaya fatlhego sa gago ka se lakaila jaaka tlhware e a tle e dire fa e tshokile e nopotse nngwe ya diphologotswana. Ruri ke ikutlwa ke le motlotlo ka wena. 
senkepeng: O bua nnete tsala. O nne bonolo jaaka kwana. O ikobe ka dinako tsotlhe. Gangwe le gape o nne o tsirole lefoko ka bongwe ka bongwe. Lefoko ga le boe … (Morago ga go lalela ba tsena ka diphaposi go latsa tlhogo). 
12. Ngakane le Thando ba ne ba na le sephiri, ke se fe? 
b) Kgotlhang/Bothata/Selwelwa Kgotlhang/Bothata ke ntwa, ngangisano e e nnang teng fa gare ga badiragatsi. Kgotlhang e mela mo Morerong. Yona e ka nna fa gare ga badiragatsi ba terama jaana: Motho le motho Motho le batho Batho le batho Motho le tikologo Motho le maikutlo a gagwe. 
setonti: Nna lo a mmakatsa. Re lo neile dikgomo lwa re naya ngwana. Gompieno lo re tlhanogetse. 
35. Ke mang yo o batlang boteng jwa ga Thando yo? 
Mponeng: Ga ke bone tsela ya rona e rapeletswe. E kete re ya go boa ka tsupamolomo. 
bantlhoile: Tsala, re phetse rotlhe fela. 
thando: (Morago ga go go baya poleite ya mofokotso wa mabele). Tsholofelo, le wena kgaitsadi Ngakane, ke wela tsela go leba Paardekraal. Bagolo ba lo ntseng le rona ka dinako tsotlhe ke a leboga mme e bile ke a lo laela. Kwa ke yang ba nkemetse. 
RaMoepa: Mmaabo! Lesa bana ba wele tsela. Wena Thando ngwanaka baya pelo! O seka wa boifa sepe. (Thando le Senkepeng ba tsena mo koloing. Mabati a tswalwa). 
thando: Nnyaya, e seng jaaka o nagana! Ke ne ke tsiboga fela. Ke repile fa o mpona ke riana. Keledi ya me e rothile ya ba ya nolofatsa pelo ya me. Ngwanake o nthobile marapo, go fitlha ke ineela. 
kgatuRe: (Ka boingotlo.) Bagolo ba me, le wena mmaetsho ke leboga go menagane. Tota ga se ka lenyatso. (Ba a tswa) 
thando: (O inama go tsaya morwalo wa gagwe.) Tsala, re tla kopana. Thekisi ke eo e e tla. 
1.1 Maikaelelo ka tshekatsheko e 
ngakane: Ke ithaya ke re ke godile. Jaanong ke ne ke lemosa Thando gore keletso ya me ke go tlhokomela tsotlhe tse e leng tsa ga nkgonne. Ke mo itsisitse gore ke rata fa ke ka ya seyantlo sa ga nkgonne. 
thando: Ke tlhwaile tsebe tsala. 
thando: Bomenomasweu polaya e tshega bona o ba tlogelelang? Kana batho ke bao ba rutilwe go ntsha ’ino la motlhagare ntswa e le go itimokanya. 
thando: Bagolo ba me, ba ba tlotlegang yo ke tsala ya me ya tlhogo ya kgomo. Re ntshana seinong bosigo le motshegare. Lo se tshwenyege ka ene. O itse tsotlhe tsa me. 
MoRuti isang: (O buisa temana ya ga Johane 11:25-26.) 
ntaoleng: Go siame ngwanaka. Motlhala re o setse. Nte a tle, a tle a kgone go itlhalosa. Mmaabo, wena o di bona jang? 
thando: Ga ke re ga twe. Ija! O nthubile lepetleke. 
gabatshwane: Ngwanaka ke eng? (Ka go tsiboga). 
thando: Mathata a botshelo, masaitsiweng! Ke ne ka patelesega go tsaya malatsi a le mmalwa… 
thando: (Ka ditlhong). A re ke ise ngwana kwa gaabo Rasebintsolo. (O tsena ka ntlo). 
nkeMeleng: (A ntse a rothisa keledi.) Wena rraabo, tsamaya o ye go itsese boSetonti le ba losika. Re tla sala re phutha ngwana. 
bantlhoile: Heelang, tsala motho yo ke wena. 
thando: Ema pele tlhe mogatsaka. Go sale bosigo, re tla tlotla bosele tuu!. 
thando: (Ka letshogo). Ke go reeditse rra. 
thando: Ya re e le nako ya go latsa tlhogo, a tshokane a iphetlha. A iphetola Rasebintsolo. A inaya phaposi ya ga mogolowe. 
thando: Heela, mma! Motho yole ke noga ya bofelo. O thubile malapa ka bontsi. Ke ene a neileng Kgature kgang yotlhe fela. Motho yole o tshwana le leobu. Ga a na mmala wa nnete Ke sefelekwane. 
(Kwa Tlhabane beke morago ga lenyalo, go mo mosong wa nako tsa ura ya lesome. Kgature o na le mogatse Thando). 
Mponeng: Ba ga Ntaoleng, re a lo kopa se kateleng bana disuga ganong. A re se keng ra lela selelo sa baipolai. 
Mponeng: Dumela, ngwanaka! Ruri ke letse ke bua ka wena. Ke ne ke sa itse fa o tla re jela nala gompieno. 
tsholofelo: Bua tlhe Lesope! Ke eng? 
DIPOTSO TSE TELELE 
RaMoepa: Le fa tota ke rerile ngwana ke le esi, ke kopa gore lona ba ga Bantomo lo itse fa re tota re apeela thukhwi le mala, mme fela ga gona ka mokgwa o mongwe. 
thando: A ke ona otlhe rra? 
thando: (O tlolela ka kgoro. Matlho a gagwe a palela mo lefatsheng.) Bana ba ga rre Ntaoleng le mme Gabatshwane dumelang! 
thando: Nnyaya rre. 
Jonase: Kwa “Police Station” ya Rustenburg. 
Ijoo, ngwanake! Ga twe ke wa ga mang ruri? (Ba tswa ka lebelo). 
ngakane: Ausi Thando. O nkutlwe o nkutlwisise. Lelapa le la ga nkgonne, ga ke batle le tlhonama. Ga ke batle fa o ka jewa ke bodutu ke ntse ke le teng. 
ngakane: (A emisa go metsa. A rotola matlho). Ke tlhwaile tsebe, thaka. A re utlwe. 
thando: Wa re eng? Rasebintsolo wa me! 
RaMoepa: A jaanong o itlhobogile? 
ntaoleng: (A itshwara mo seledung). Ahee! Jaanong sephiri se tswetse mo pepeneneng. Jaaka fela lo kgonne go utlwanela bogotswana joo, ga ke tlhole ke tla reetsa maipato ape.Mmaabo! Masaitsiweng ke ao. 
RaMoepo: Goroga ngwanaka. Tsebe gaufi e a ikutlwela. Goroga ka phuthologo. Ga o a latlhega. (O mo phophotha legetla.) 
Jonase: (Ka go fela pelo. A ntsha senepe sa ga 
• Tsa go ithutela pele: 
thando: (A araba ka go thikitha tlhogo). 
Mponeng: Boela morago. Re tla go bitsa fa re tsamaya. (Koloi ya ga Senkepeng ya tsetlela fa kgorong). 
bantoMo: Nnaare tota yole a re o timeletswe ke eng? 
(Kwa ga Ntaoleng mo Tsitsing. Ke nako ya masome a mararo go tswa ureng ya lesome. Go goroga Nkemeleng le mogatse). 
thando: Dumela tsala ya me ya botlhokwa. (Ba atlana). 
Mponeng: Rraabo, tlhwaya tsebe, mafoko ke a. 
Jonase: (Ka go tsalanya matlho le lefatshe). O bone kotsi ya koloi. 
gabatshwane: Heela ngwanake Thando! Tlaya o dumedise batsadi ke ba. 
kgatuRe: (A inamisetsa tlhogo mo go ene). Didimala mothonyana wa me. Tlogela go sisa pelo ke sa ntse ke tshela. Boloka dikeledi tseo ratu! 
thando: Nnyaya mma, ga go sepe se se tshosang, fa e se dimakatso fela. (O rothisa keledi). 
senkepeng: Nnaare beng ba lapa ba kae Thando? 
All rights reserved. No part of this publication may be reproduced, 
Mponeng: Go khutshwafatsa kgang, nna ke na le monagano wa gore, re phunyeng tlhagala. Fa boladu bo ka re tlala diatleng re tla pateletsega go bo dubeletsa. 
thando: (O tswa mo ntlong le mogatse). Tsholofelo, a re weleng tsela. (Ba tswa ka koloi). 
• Tsa Botshelo: Kobelo Stephen Naledi o belegetswe mo motseng wa Dwarsberg. Ke setlogolwana sa ga Makopye. O ntse boagi jwa Mogwase ka 1985 mo 1477 Unit 4 Tontosi Drive. 
RaMoepa: (Ka go makala.) Ao, tlhe ngwanaka! O direla eng jalo? O tlhoka eng kwa go ene? Kana ba ile go re ja ditshego… 
senkepeng: Jaanong thulano ya lona e simolotswe ke eng? 
Ralekwatiti: (A bula mo Beibeleng lokwalo la ga Johane 18 temana 28 – 30. A buisetsa kwa godimo). 28 `Morago ga moo, ka Jeso a itse gore tsotlhe di setse di weditswe gore lokwalo lo dirafadiwe gotlhe a re; “Ke nyorilwe.” 29 ´Mme jaanong ga bo go le nkgwana e e tletseng motatsa, a ba a ina ngami mo motatseng, ba e tlhomela thupeng ya mosiama, ba e tsholeletsa kwa molomong wa gagwe. 30 Ya re Jeso a sena go amogela motatsa a re; “Go weditswe”. A bo a oba tlhogo, a neela mowa. Amen. 
lesope: (O tlhaga a hemelwa. A tlolela ka kgoro.) Heela Ausi Tsholo! Sianela kwano! (O iphimola sethitho.) Ausi, baya dijo fa fatshe tuu! 
40. O ne a akanya go dira eng ka mmuisiwa? C Bolela gore a tshedimosetso e e latelang ke NEPO kgotsa PHOSO 
ntaoleng: Ka fa o nyetswe la bobedi, o itse bothata bo etla. Wena o ka se bo bone. Ke utlwa ke go utlwela botlhoko. Ga ke batle go tsamaya ke sa go laela. E tloga e nna gore ke go latlhile. 
22. Mafoko a a gore o ya go kopana le ngwana wa gagwe a kaya goreng? 
B. “Tsela ya me e bulegile ke gaufi le go kopana le ngwanake” 
bantoMo: (O naya ditebogo). Phuthego yotlhe fela ya 
16. Goreng Gabatshwane a ne a sa batle gore go itsewe ka maiteko a ga Ngakane a go ikaletsa? 
1. MATSENO 
ntaoleng: Tsela ya me e bulegile. Kwa ke tswang teng go motsila. Ke gaufi le go kopana le ngwanake. E rile pele a ka re tlogela, a nkitsese fa setlogolwana se le mo tseleng. E re ka wena o ithufutse, o buse madi a rona. Re mmatla fa. (Monnamogolo a sekama. A se tlhole a lebaleba. Gabatshwane a mo tswala matlho.) 
Setlhoa: Kgato ya poloto ya terama e mo go yona badiragatsi ba laolwang ke maikutlo/Tshisibalo. 
MoRuti isang: E re ka go kgatlile Modimo Mothatayotlhe, e le yo mogolo wa botshelo le wa loso, go itseela mowa wa yo o fedileng, le go o tsosa mo lefatsheng: Ke gone re bayang setopo sa gagwe mo phuphung, lerole leroleng, re ntse re itse ka tlhomamo go re fa motlaagana wa rona wa selefatshe o rutlologa, re na le kago kwa magodimong, ntlo ya tlhomamo ka bosakhutleng. (Phuthego le balosika ba tshela mmu yo ba o gelelang mo garaweng ka diatla. Morago tshelelo ya lebitla ya dirwa.) 
setonti: Nnyaya sebare. Mo neele nako a re tlhalosetse pele. 
kgatuRe: Dumela kgaitsadi! 
gabatshwane: Nnyaya rra. Lo ka se timele. Motlhala wa motho ke molomo. 
Mosadi wa khumo, kwa a yang teng o tlile go thanya lomapo lo le tsebeng. Lefatshe leno la rona, ga le a robala. Mebitlwa ya lona e tshwana le ya noko. O tsoga o retelelwa ke go itlhomola wa tloga wa tlhomola pelo. 
ngakane: O tla nkgopola tsatsi le penne. O tla ntelela ntle le pateletso ya ga ope. 
thando: Ke kopa go ya go tlhola rre Setonti. 
bantoMo: Ke a leboga. Kobo e sugwa ke mong wa yona. Sengwe gape ke gore, Lorwaneng go tseneng go tsenelwa gongwe. Fa lo re bona fa, re motlhaleng wa kgarejwana e ipitsang Thando. Ngwana wa rona, ene o bitswa Kgature. 
thando: Nna ruri ga ke itse fa botshelo bo ka batlwa ka mokgwa o, fela le ga le… 
setonti: (Ka go makala.) Wa rialo! 
holder. 
nkeMeleng: Nna ke gakgamatswa ke moso mongwe le mongwe. Ngwetsi ya rona e tsoga e bifetswe. Ke ne ke setse ke belaela fa gongwe Kgature a sa mo robatse sentle. 
Jonase: Nnyaya rra, e seng jalo, fela lefapha la sepodisi le tshwaragane le la rona thata. Sejanaga sengwe le sengwe se se tlhagisetsang mong kgotsa bapalami kotsi, se tshwanelwa go begwa mo go rona pele. Ke seo se mpeileng fano. Tota go leba nnete matlhong, ke rona re rulaganyetsang bagobadi dituelo tsa bona. 
7. Kgaolo 4 ............................... 48 
kgatuRe: Owaii! Moeng wa eng? Nna ke mong gae. (O a tshega). 
thando: (A tsaya setilo go nna.) Bagolo ba me, ke ka maswabi go bo lo mpona fa. 
ntaoleng: Tsena. Ehe ke wena Thando, ngwanaka! 
phuthego: (Tsweletso ya sefela.) 
thando: (O pheula lebati a bo a ikgorosa) Dumela Rra! 
thando: Fela jalo. Tota puo ya ga rre Ntaoleng ga e batle phetolo. Ka metlha o tla mo go nna a galefile. Ga ke itse tota gore ke wa ga mang? 
bantoMo: Nna ga ke bone lebaka la go ema mabaka a ngwana kwa pele. Ba tloga ba mo fifaletsa ditsela. 
kgatuRe: (O tsena ka phaposi e nngwe ya borobalo). O robale sentle motho wa batho. O dire gore o se ke wa selwa. O tsoge o phutha dipurugwana tsa gago. O tla batla mongwe go go isa gae. Fa ele ka nnna o lebale tuu!. (A ikurumetsa ka kobo). 
(Kwa gaabo Kgature go bosigo Thando ga a kgone go robala ka ntlha ya ngwana go sa robaleng). 
Ralekwatiti: (O tshotse mmu ka seatla.) Jaaka go kgatlhile Ramasedi, gore yo o belegweng ke motho wa nama pheletsong o tla felela mmung ka jalo, ka o le mmu, boela mmung, molora moloreng. Eo, ke thata le go rata ga mmopi wa rona. A …men. 
RaMoepa: (Ka go swaba.) Ngwanaka, lebala ka tseo tuu! Kana re ile go tshegwa ke batho e sita le dintsi tota. 
ntaoleng: Ke go utlwile sebare. Nte ke golole rre yole wa batho (O tswela kwa ntle). Rre wa moeng, re lebogile le fa tota go se seo re ka se lebogelang. Molaetsa re o utlwile. O thibetswe ke eng go re etelela? Mo sebakeng sena, ga go mo ke ka go aketsang ka teng. O a iponna gore mpuru o faretswe. O tla re inela matsogo metsing motho wa batho. 
lesope: Ke mo tlogetse a ntse a kgaratlha. Fa re ka taboga re ka kgona go mo thusa. Lo se lebale thipa go kgaola thapo. 
nkeMeleng: Dumelang, bagaetsho! 
kgatuRe: (Ka go fela pelo). Thando! 
c) Badiragatsi/batshameki Batho ba ba diragatsang ba tsweletsa ditiragalo tsa terama ke badiragatsi. Ga ba anele mme ba diragatsa ka ditiro le mmuisano. Makoko a badiragatsi Mogapatiro (molwantshiwa) -Mokganatiro (molwantshi) Baemanokeng -baemanokeng Motsenagare/Molotlhanyi (motlhotlheletsi) Mogapatiro ke modiragatsimogolo yo o nang le bothata, yo o ngongoregang, yo o tshwenngwang. Mokganatiro ke moemakgatlhanong, o baka bothata, o tshwenya mogapatiro. Bobedi jo ke jone bo kampanang, bo gotlhanang. Matsapa otlhe a ba a tsayang ke maiteko a go rarabolola kgotlhang mme kwa bokhutlhong mongwe o tla fenya. Mogapatiro le Mokganatiro ba na le baemanokeng ba ba ba rotloetsang ka dikgakololo. Motsenagare/Molotlhanyi ke modiragatsi yo o amanang le makoko a mabedi. A ka nna molotlhanyi kgotsa moagisi. Kagego ya modiragatsi Modiragatsi o na le ka mokgwa o a agilweng ka ona ke mokwadi. O agiwa a newa semelo se se tla mo kgontshang go diragatsa le go tsaya karolo e a e abetsweng. 
Mponeng: Nnyaya, ga go sepe. Ke ne ke re a gogele mosese tlase. 
bantlhoile: O a bonala. Ga a bontshe a ikgalala. Motho o a mmona fa a iketlile mo monaganong. 
• Tsa sekolo: O dirile dithuto tsa poraemari mo Kgolane Primary. Thuto tsa Secondary kwa Herman Thebe High School. Lokwalo la J.C. kwa Rakoko High school ka 1975. Lokwalo la Materiki (STD 10). O le dirile poraefete mo Seiphore ABET centre mo Moruleng. 
thando: O buile nnete e e senang bana ba phefo e le ruri. Rra, ke nna Thando yo o neng o bua nae ka mogala. Ke gopotse gore pilediwa e a lwelwa. 
tsholofelo: Dumela mma, ke boile. 
kgatuRe: (O bua ale esi) Ruri ka rre a ntsetse ke nnete fa go twe Modimo ga o fe ka letsogo. Thando ke mosadi tota. O montle, o diatla. Tota o dilo tsotlhe mo go nna. Ga ke kitla ke bula molomo. (O tsena ka phaposi ya go tlhapela go mo tlhapisa ka fa morago). 
kgatuRe: Tlhang ekete o setse o baba lobadi? 
gabatshwane: (A ntse a lela) Thando, ngwanaka! Tsamaya o ye go bitsa kgaitsadiake Setonti. (Thando o tswa a tabogile.) 
30. Ke mang yo o neng a bua mafoko a ? 
Mponeng: Tota lo re tshoganyeditse. Lo tlile go re tima nako ya go ikgafetsa. 
ntaoleng: Bagaetsho ba ga Ramoepa, A ke bue jaana ke re, kwa re yang go monamo, re tshwanelwa ke go le kokona ka marinini rotlhe fela. 
tsholofelo: (O a mo goeletsa.) Tsamaya, o bona o sotlilwe ke lefatshe. (A thubaganya lebati) 
ntaoleng: Ngwanaka, fa o le tsebe ntlha, o tshwanetse o be o utlwile mafoko a ga mmaago fano. Ya rona tsela e khutshwanyane. Tsa lefatshe di re lekile, bontsi di iteile kwa ntle. Bophelo jwa motho ga se jwa gagwe jaaka a ka gopola. O ka se ele tlhoko gore bangwe ba ikana go bo ferekanya. 
setonti: Dikgakamatso! Thando ke yo a re o boile. A re o gopotse ntlo ya gagwe. 
ngakane: (Ka go thikitha tlhogo.) Le nna fa ke riana ke eme menomakitla. 
tsholofelo: Heela, abuti Ngakane! Tswela kwano o bone. 
ntaoleng: E le fa go senyegile eng?
Mponeng: Dira ka bonako. 
(Ke motshegare wa Lamatlhatso. Lesope o tsamaya mo sekgweng se se kgakajana le motse. O feta ka fa tlase ga setlhare se segolo sa mosetlha). 
senkepeng: Tota nna ga ke bone se se ka pateletsang Thando go itia ka go belega motho go twe ke monna. 
(Go Lamatlhatso kwa mabitleng a Tsitsing. Tirelo ya phitlho e tsweletse. Moruti Ralekwatiti o tshwere tirelo). 
gabatshwane: Jaanong? (Ka tlalelo). 
Tsa bokwadi: Bokwadi mo go ene ke jwa tsalo e seng go tswa thutegong. 
RaMoepa: Motlhala re o neilwe ke beng ba ona. Mfataphufo ya gaabo ga a swe lentswe. 
thando: Bagolo ba me ba ba tlotlegang, ke a lo rata, lo a nthata. Ga ke bone fa go tla nna le serurubele seo se ka fofelang dintshing go mphatlha. Lo mphile bothitho le namatshego. Modimo yo ke sa o direleng sepe o nthuse, ke lo phelele. 
thando: Tseo di lebale malome. Lenyalo la me le sentswe ke toro ya ga Ratswale. O ne a mpatla fa lapeng la gagwe mo ntlong ya ga Rasebintsolo. 
thando: Nnyaya, ke a gana e seng jalo. Ke na le tshiamelo ya go ikgethela se se tla nnayang tokologo e e lokologileng. 
senkepeng: Jaanong o ikaeletse go dira eng? 
thando: Fela jaaka o bona matshwititshwiti a, go na le dintsho tse pedi. Re fitlhile rre, jaanong mme ke gone a begwang. Ke kopa fa o ka nnaya sebaka sa go ba boloka tuu! 
setonti: (Ka go makala). Mogalammakapaa! Lo rekisitse ngwetsi ya rona? 
7. Tlhalosa ka botlalo mabaka a a dirileng gore Thando a gane gore Ngakane a nne seyantlo sa ga Rasebintsolo 
1. A Senkepeng ke tsala ya boammaaruri kgotsa nyaa? Tshegetsa karabo ya gago ka mabaka a a utlwalang o totile botshelo jwa ga Senkepeng le Thando. 
gabatshwane: Rona tota re mo digakgamalong. Batho ba motlhala o lo buang ka ona, re ntshitse ka nngoba e sa fotlhwa. Go tlile jang gore ba se ka ba itlholboga? 
Jonase: Nyaya mma! A a saletseng morago, a tlile go duelwa ka bonnyane go fitlha a felela. 
Rasebintsolo: Le nna ke a leboga, fela nna ga ke a tla go nna. Ke tshwanelwa ke go sianela gongwe. (O a emelela). 
thando: Tsamaya sentle. O nne o ntse o nkgopotse. Le nna ga o katoge mo pelong ya me. (Ba a kgaogana. Thando o boela mo lapeng. Koloi ya wela tsela.) 
kgatuRe: Fa e se mokgwa ke molao. Go rata le go sa rate ga go kitla go nna molemo ope. Leina la batsadi ke sekgongkgothela. Wena wa reng Thando? 
ngakane: E kete o mo pelong ya me tsala. Ga ke na boikhutso mo moweng. 
thando: Go ntse jalo rra. Ke utlwa go twe o a mpatla. 
thando: Kana ke letse ke go kopile gore o nkise kwa ga Senkepeng. O nkopile thata go mo jela nala malatsi a mabedi. Ke rata ke tsena go sale mo mesong. 
ntaoleng: Go bua puo phaa! Re a mo rata. Re ne re eletsa go mo nyadisa yo o latelang mogatse. Jaanong go a retela. Batsadi ba gagwe ba mina ka nko tse pedi. 
tsholofelo: (A tsena ka phaposi ya batsadi). Dumelang rre le mme! Ausi Thando o rata go lo bona. 
(Kwa gaabo Kgature. Morago ga dijo tsa dilalelo Kgature le Thando ba tsena ka ntlo. Ba goga ditilo go nna). 
1.2.4 Diponagalo tsa terama Terama ke setlhangwa se se tlhametsweng go diragadiwa. Ka jalo 
tlhasetswe ke ntaramane. Kana Ngakane a re o batla go ya seyantlo sa ga mogoloe. Ga a boe ka morago. 
thando: Hei! Tsala. (Ka lethabo). Monate o ne wa tshameka ka go siana le methapo ya me. E rile fa ke tla re go senyegile, ke fa ke tla utlwa monyakaladi o tswa ka ditsebe. 
thando: O se itshwenye ka tseo. Tse o di kayang ke mmantlwane a banyana, Nna ga di a ntekana. O ikopisa tlhogo fela. 
Terama: Tiragatso/setlhangwa se se tlhametsweng go diragadiwa 
thando: O bua nnete Kgature, fela ke go tlhaloseditse ka ga dikgateledi. Toro e e ntshwenyang ke ya ga rre Ntaoleng. 
senyaka: (Morago ga go metsa). Tsala ya me Ngakane! 
bantlhoile: Se rialo tsala! 
thando: Rre Jonase, ke lebogile, segolo thata ke lebogela matsapa a lona. Ke tla dira fela jaaka o ntaetse. O sale sentle rra. 
Mponeng: (Ka kgakgamalo.) Ehe…! 
bantoMo: Nnyaya, bagaetsho nteng ngwetsi e ntshe maikutlo a yona. Se mo tlaatlaetseng. 
kgatuRe: Wa rialo tota! E le gore o a bone kae le gona jaang? 
gabatshwane: Bona fa ngwanaka, o nne boripana mo go 
ISBN 9780636073050 
23. Ke tshedimosetso efe e mmui a e buileng le mmuisiwa ka letsatsi le, e re tla reng e ntse e le sephiri sa mmuisiwa? 
Jonase: Nna ke morongwa fela. Bamolao ke bona ba la tlisang tlhaloso yotlhe fela. Nna ke tlile jaana go lo rulaganyetsa tsa dituelo tsa moswi tsa “Third Party”. 
(Kwa gaabo Kgature tsatsi e le Lamatlhatso nako ya lesome mo mosong. Batsadi ba ga Kgature ba biditse Thando le mogatse. Ba dikaganyeditse tafole). 
phuthego: (Sefela sa phelegetso). 
ntaoleng: Tota e le fa thai e batlang mo mothong wa letwadi jaana? 
Jonase: (O mo supetsa lokwalo lo lo kwadilweng “Motor – Vehicle accidents compensation under the MMF act 93 of 1989:”) Mma wee…! Tsoga tlhe motho wa batho. A o ne o ka se bee tsebe go le gonnye? 
gabatshwane: Tlhang lo re tima se lo se tshotlhang? 
thando: Heela mma! O se ke wa ntsha mosi ka sekhurumelo. 
senkepeng: O dirile ngwanyana. O ititeile sehuba. (Ba tswa ka diaparo mo ntlong) 
senyaka: Thaka! A re ise marapo go beng. Bosigo ga bo rune nta. Dikgang ga di nke di fela, go fela motho. (A gonyetsa tlhogo teng ga mapai a mantshonyana). 
thando: Ke tla direla ka bonako motho wa lorato lwa me (marama a binabina). (Ba namela koloi ya “Ford Siera”. Ya pena mogatla go leba Tlhabane e e tlhabang). 
2. Gabatshwane : Mosadi wa ga Ntaoleng, ke motho yo montle ka pogego. 
ntaloeng: Seo re se kayang, ke kgakololo ya botsadi. Wena sa gago ke go itlhopela ditlhokwa go tswa mo morogong. Motho o ipaya ka diatla tsa gagwe. 
gabatshwane: A tlheng ga o ganele gore o setse a go bonetse? 
gabatshwane: (O a emelela). Betshong! Ga twe tsebe gaufi e a ikutlwela. Rre o buile. Ga ke batle go tloga ke e latswa bobe … (A nna fa fatshe.) 
thando: Dumela Tsholo! 
11. Ngakane a re o na le maikaelelo ka dithoto tsa ga Rasebintsolo, tlhagisa dithoto tseo. 
Dingwe tsa dikwalo ke tse di latelang: 
kgonagala. A reye go ntseisa dilo. Ke phuthile tse di ntshwanetseng. Ke boela gae. Ke ya go ipaakanyetsa nyalo. 
phuthego: (Sefela 313.) Ke mosepedi bophelong, mme ke ya kwa legodimong, kwa Jerusalema yo moša; O ‘theilweng koo mading a kgolagano Golgoteng, kwa Jeso o re swetseng gona. Ke mosepedi bophelong, mme ke ya kwa legodimong.’ 
go tsena gotlhelele mo nkgong: go tlhoka go ka boela morago mo 
kgatuRe: Wa re dinyana? Mo go nna e tlile go nna dikgolo. 
(Mo mosong wa tsatsi la Labone ka ura ya borobong. Thando o tsena kwa ga Ntaoleng motseng wa Tsitsing. O fitlhela Setonti a ntse le Ngakane le Tsholofelo mo mathuding a ntlo ya ga Rasebintsolo.) 
setonti: Bagaetshong botlhe fela, re a lo leboga. Re lo leboga jaaka lo ntse lo lela le rona fano. Marama a me a hupile botlhoko. Motheo wa kutlobotlhoko e, ke lorato lwa motsadi mo ngwetsing. Go tlhokile kutlwano gare ga ngwetsi le ba bogadi. Rre Ntaoleng e rile go utlwa botlhoko a tsenwa ke bolwetse jwa pelo. Jaanong ga se ena fela, mosadimogolo Gabatshwane o ganne go sala a le esi. Fa ke bua jaana o didimetse. Molaetsa ke gona o gorogang. Re kopa fa lo sa ntse lo ka re ema nokeng. Ke kopa re ye go busa dinao rotlhe fa lelapeng la batho ba. (Ba a phatlalala go tswa ka mabitla). 
Lokwalotshelo/bayokerafi: Hisetori 
thando: Se ke dinyana fela, dikgolo di sa ntse ditla latela. 
ntaoleng: Bonang botlhe fela fa. Nna ke weditse tema ya me. Ga go poopedi fa. Lapa le, la re nna wee. 
(Kwa Tlhabane moso e le wa tsatsi la Tshipi. Ka ura ya borataro Thando le mogatse ba tlogela ngwana mo dikobong. Ba nna le Bantomo le Nkemeleng fa ntle.) 
ntaoleng: Bona fa rra, bogologolotala ke dira Gauteng. 
thando: (Ka go sa phuthologang.) O bewa ke eng fano? Le gona o bontshitswe ke mang fa? 
thando: (Ka setshegonyana). Dumela mma! Rre o kae? 
kgatuRe: (A penya Senkepeng ka leitlho). Yo montle yo ene ke mang? 
kgatuRe: O re go nkutlwa. O foo ke fano! Sa pele ke sa pele sa morago ke dithuthuntshwane. 
gabatshwane: Botlhe fela fa, lo tsupeng molomo. Kana rraagwe fa a ka utlwela, bolwetse jwa pelo bo ka mo kubugela. A re weleng tsela jaaka e kete ga go a diragala sepe. (Ba wela tsela). 
tsholofelo: (O sianela kwa ntlong go araba mogala). Hallow! Ke 614819 e, ke bua le mang? Ehe! Ke tla ya go mmitsa (O tswela ntle). Ausi Thando o batlega mo mogaleng. 
46. Ramoepa o ne a re Ngakane a se batlelwe mosadi Thando a le teng. 
gabatshwane: Rraabo, dimakatso ke tseo! 
Diteng 
6. BED. Hons Management & Planning : 
4. ABET Practitioner: Unisa 
thando: Ga ke itse, fela Modimo o teng. 
kgatuRe: O dirwa ke eng? O seke wa tlhola o robala o lebeletse kwa godimo. Ditoro tsa teng di tla ka bontsi. 
thando: Ntate, kana ke tlogetse leruo leo le neng le ntebane. Ke batla go tlhola sekgethe sa me. Fa ke ka bona go retela, ke boela mo ntlong ya monna wa me. 
bantoMo: (A ntsha sekgwama. Letsogo la tla le tshotse maswaswa). Bagaetsho! bonnyane jole ke jo. 
Mponeng: Jaanong wena o ne o ngangela eng? 
Kgotlhang/bothata/Selwelwa/ ngangisano: Ntwa ya badiragatsi mo terameng. 
gabatshwane: Ba farologane. Yo mongwe o tlamega go ineela. 
1. S.E.C. (Secondary Education Certification: Vista University.) 
phuthego: Jehofa, O nthekolotse, wena Modimo wa 
ntaoleng: Ema pele ngwanaka. Se eteletse keledi ngwanaka. A re utlwe se se tlisitseng kutlobotlhoko ya gago ngwanaka. Busa mogopolo o ntshe bothata jwa gago ka phuthologo. (Ka bonolo). 
kgatuRe: Bua puo-phaa! Tlogela go hunyela jaaka khudu e bona sera. Ke fano go go thusa. Ke ikanne fa pele ga moruti gore ke tla go ema nokeng go le boitumelo kgotsa matha. 
• Go rarabolola le go senola maitemogelo a mokwadi mo terameng e “Maikotlhao” Seno se tla sedimosiwa bogolosegolo ke lokwalotshelo (bayokerafi) lwa gagwe gonne ka lona barutwa le barutabana mmogo ba tla tlhaloganya lebaka la gore a bo a kwadile ka tsela e a kwadileng ka yona. 
4. Tsholofelo : Kgaitsadia Rasebintsolo le Ngakane. 
thando: Owaii! Wena o ithaya o re ke itse go thuma. 
ntaoleng: Bona fa ngwanaka, ntlo ga se ya rona. Mong 
go tlogela go okomela mo nkgong: 
RaMoepa: Mogatsaka! Re lekile go retetse, mme fela ngwana a a gololwe. Lo itse lona ba ga Ntaoleng gore fa logana madi ano, ngwana ena re boa ka ena. 
ngakane: O tsamae ka kagiso. (Ba mo naya diatla. A wela tsela go ya go emela ditekisi tsa Tlhabane). 
gabatshwane: (Ka go tenega). O bua boammaruri rraabo. Se sengwe ke gore, fa a ka ithutla, ka dithoto a lebale. O tla tswa fa, jaaka kgogo e tlhobilwe. A itse. A se tloge a re ga re a mo tlhalosetsa. O tla lelela kgama le mogogoro… 
Mponeng: Lo itshenyetsa sebaka. Batho bale, ba tshwaragane le go rulaganya moletlo wa lenyalo. 
senkepeng: (O tswa ka phaposi). Tsala ke batla gore re ye go ikotlolola mo letangwaneng la rona ka fa morago ga ntlo. (O mo naya diaparo tsa go thuma). 
Badiragatsi/batshameki: Batsayakarolo mo ditiragalong tsa terama. 
thando: Owaii! Ke ka lelela wena tota. Ga o mpone ke a bona. O batle dithaka tsa gago le nna ke tla ipatlela ba ba ntekaneng. 
nkeMeleng: (Ka go makala). Ao, Thando! Go diragetse eng jaanong? 
gabatshwane: (O rothisa keledi). Ngwanaka, Ngakane re bolaile tsupamolomo. Re boa ka nngoba e sa fotlhwa. Kana le gona nama ya pateletswa e thuba pitsa. 
ngakane: Bona fa mma, tsela e butswe, e bile o tloga o ntshosetsa mmutla wa me. 
ntaoleng: (O tswa ka ntlo). Monna wa batho, o a bona e tsentse tlhako kgamelong. Ga go na molemo gore ke nnele go inanatha. Pego ya gago e mpheditse maatla. Ke imelwa ke tlhogo. 
Mponeng: Go raya gore ngwana yole e ne e le wa ga Rasebintsolo. 
8. Kgature fa a kopana le Thando lekgetlho lwa ntlha o rile, “ dilo dingwe di a lojwa, di bolelwa go le thata.” Anela ka botlalo kopano/nyalano ya bobedi jo o setse bokao jwa mafoko a morago. 
tsholofelo: Bona gore go tsena mang kwa hekeng? 
bantoMo: Ke belaela gore monna yole o tsamaile a gadimile. Ga ke tlhaloganye gore o timeletswe ke eng mo lapeng la me? (Thando o tswa mo ntlong. O tlhaga a thikga keledi). 
Mponeng: Re kwano, tsenang. 
Thaologo: Kgato ya popoto ya terama e mo go yona ditiragalo di tlosang lonao. 
thando: Tsholo! Ke kopa o mpiletse bagolo. 
senkepeng: (O ba tsena ganong). Bathong! Tota se ke botlhodi. A ngwana o a tle a iphetlhe a re o a nyala, a supa motho a ka mo godisa. 
gabatshwane: Dumela ngwanaka! O tsamaetse ka pele. Dumela Thando. Ke eng o setse o poetse jaana? 
1. Tshimologo/Thaego Mogapatiro o bega bothata ba gagwe O itela mo go moemanokeng wa gagwe 
kgatuRe: (O mo lebelela go tloga dinaong). A o kgona go emelela sebaka ka morwalo o. (O supa ka go dirisa tlhogo). 
thando: A re ga a mpotse o a nkitsise fa a batla go ya seyantlo sa ga mogolowe. 
ngakane le tsholofelo: (Ntle le kgatlhego) Dumela Thando! 
thando: Rasebintsolo o iketse badimong a itse fa leboa le kukunya. 
tsholofelo le ngakane: (Ba kgarameletsa Thando kwa ntle). 
senkepeng: A mme? (A itshwara letheka). 
© Maskew Miller Longman (Pty) Ltd 2008 
thando: Ao, tsala! Tlhang o tletse ditshegwana? (Ka go nyeba). 
17. Kgature o ntsheditse Thando bogadi jwa bokae? 
senkepeng: Rra eno o bontsha e le motho yo o phuthulogileng e le ruri tsala. 
Mponeng: O kae, Senkepeng tsala ya gago? 
• Go tlhalosa setlhogo, gore ka tlhaloso fela barutwa ba kgone go nna le ponelopele ka ga diteramakhutshwe tse di yang go sekasekwa. Tsona di ama matshelo a malapa, lenyalo, diphitlho, maitsholo a bagolo ka kakaretso mo mererong e e kailweng. 
setonti: (O sebela moruti mo tsebeng). Mosadimogolo Gabatshwane o latetse rre Ntaoleng. 
senkepeng: (Keledi e tshologela boatleng). Didimala tlhe tsala ya me. O a itse ga ke dumele ditsebe tsa me…! 
Ralekwatiti: Go tloga jaanong go tshegofaditswe baswi ba ba swelang Moreneng. 
senkepeng: Ke a leboga mma (A tsaya setilo). 
Jonase: Tsamaya o boloke madi a. E re o se na go bofologa o boele kwano re tle re kgone go go naya tlhaloso e e tletseng. Ga ke rate go go tshwarelela, ke a bona gore malatsi a badilwe. 
ngakane: Ke reeditse ntate. 
bantoMo: Thando ngwetsi ya me, ´ina la ngwana ga le sekwe. Re tshaba dikgaba. Ineele ngwanaka. Ngwana o newa leina ke ba bogadi e seng mmaagwe. 
bantoMo: Bagaetsho, lo tla re inela diatla metsing. Re tswa’ felong la Tlhabane. Rona re batsadi, e bile re barongwa ba ngwana wa rona Kgature. Ke a itse ga lo a tlwaela gore batsadi ba ngwana ba ikise go ya go batla ngwetsi. 
6. Thando o nnile le ngwana a nyetswe ke Kgature. Tota Rraagwe ngwana yo ke mang? Tshegetsa karabo ya gago ka tlhaloso. 
Mponeng: (Ka boleta). Thando! Wena wa reng? Fa o ka tsinyalala, o tla ikutlwa. 
thando: (Ka ditlhong.) Dumela malome Setonti! 
ngakane: A e nne boroko mmanape. (A latsa tlhogo mo mosamong). 
thando: (Ka monyenyo, matlho a ntse a bonyabonya ka bogoma jwa dintshi). Badimo ba gaeno le ba gaetsho, ba nkarabile. Di pedi ka menwana, leboa le simolotse go kukunya. Ke ntse ke gategile go go loma tsebe. 
thando: Jaanong fa a ka dirisa mosomelwana gona? 
Rasebintsolo: (A bula matlho e kete ga a rate) Ao! Motho yo ke wena ratu. (O bua a mo potisa matsogo go dikologa tlhogo a bo a mo atla) 
Tharaano: Kgato ya poloto ya terama e mo go yona Kgotlhang e golelang pele. Go thatafala ga kgotlhang 
thando: (A tsena ka ntlo. A felela kwa phaposing ya go robala). Rre Kgature! E re ke ise ke lebale ke go bontshe sengwe fa. 
ngakane: Nnyaya mma, fela o lemoga fa go le sengwe. 
bantoMo: Re tswa kwa motseng wa Tsitsing. Re boile ka nngoba e sa fotlhwa. Gompieno re baeng ba lona. Re tlile go ipobola mo go lona. 
nkeMeleng: Tota le nna ke inyalanya le gore re tshwaraganeng ka diatla tsoopedi re tle re kgone go fitlhelela phitlhelelo e e namatshang. Mosimanyana yo a tsentseng letsogo yole o tla itlhoboga. 
senkepeng: Ba feta ba e tsaya jang? 
ngakane: Ee, go ntse fela jalo.ke yona tlhokomelo e ke ntseng ke bua ka yona. Ya di dikgomo e batla modisa. 
RaMoepa: Heela, tlhe mmaabo! Tlogela go botsolotsa ngwana a ise a bee lerago fa fatshe tlhe … Le nna kana ke mo tlhoafaletse fela jaaka le wena o itshupa. (O tshwara Thando ka seatla.) Dumela, mosetsana wa me! 
thando: (Ka go tsiboga). A tlheng o bua ka gore tshotlhe? 
nkeMeleng: Ke letse ke utlwa kgang ya lona e tsholetsegile gare ga bosigo, molato ke eng? 
Rasebintsolo: (O mo pentse ka leitlho). Heela ratu! Ntlhang …! 
bantoMo: (O sianela kwa ntlong.) Ngwana yo o re thobetse. Ruri o tsamaile ka dinao. E le fa bothata bo ne bo le fa kae? 
Mponeng: Ke la me leo. Tiego e tsala tatlhego, rra. 
sebilo. Lo ka goroga. Lo amogetswe. 
ngakane: Owaii! O bua ka phure e go tweng Thando e. O tla re bolelela se se mmayang fano. 
setonti: (A emelela.) Lo tla sala sentle bagaetsho. (Ba a kgaogana.) 
RaMoepa: (Ka go ba naya diatla). Tselatshweu. Modimo o lo gorose. (Ba a tswa.) 
otherwise, without the prior written permission of the copyright 
thando: (Ka go makala) Heelang, tlhang o nkgarola mala! 
11.Dipotso tse telele......................... 100 
kgatuRe: (O a kokota) 
thando: Tswela pele re go thuse rraabo. 
gabatshwane: Nna ke feletswe ke mafoko. 
Maskew Miller Longman (Pty) Ltd 2008 
1.2 Tsela ya tshekatsheko 
thando: (Ka monyenyo). Hei, le nna o mmakaditse! Go raya gore o ntse o tlhwaafeletse go bitswa rra nee! 
thando: (A thanya ka letshogo) Kgature mogatsaka! Ke ntse ke tlhasetswe ke kgateledi. Ke ntse ke le mo torong e e bogale e le ruri. 
O dirile dithuto tse di latelang: 
bantoMo: Go siame mmaabo, ke tla dira ka bonako. (O a tswa). 
gabatshwane: (Ka go makala.) Mogalammakapaa! Ke tseo rraabo. E kete ke bona matsubutsubu a tla a 
bantlhoile: O tsamae sentle tsala. (Ba a kgaogana.). 
gabatshwane: O tla intshwarela ngwanaka. Kana rona re godile. Ke ka moo re ratharathang jaana. Tswelela motho wa batho. 
senkepeng: Wa rialo tsala! (O mo photha legetla ka ditshegwana). 
3. H.E.D. (Higher Education Diploma: Vista University.) 
senyaka: (Ka go makala). Maikutlo a gago a tlhanasela jaaka a lekawana le ithuta lorato. 
5. Tharabololo Tiragalo e nngwe le e nngwe e isa kwa tharabololong ya kgotlhang e a rarabologa. Go nna le mofenyi le mofenngwa 
ntaoleng: Ngwanake Rasebintsolo, monna wa gago, o re tlogetse. O bone kotsi ya sejanaga. 
8. Molaetsa o mongwe o Thando a o amogetseng mmogo le leina la ngwana ke ofe? 
gonweng bojalwa/go tlogela bojalwa. 
ntaoleng: Ngwanaka Thando! A go ntse jalo? 
ntaoleng: Mogatsaka, go ntse tlhe. Tsoga re thuse bana ba rona. A re ba nolofatse dipelo. Re thobe maikutlo a bona. A re amogeleng tsotlhe, ka e le tsa thato ya Modimo. Re tshwanelwa ke go potlakela kwa bookelong go netefatsa kgang ena. Re tloga re nnela go lela motho a sa le botshelong. Masaitsiweng a ditiragalo tsa `fatshe lena o ka tloga wa itlhoma o a itse, kampo o a ikaketsa. 
neele se o tlang ka sona tuu!. 
thando: Tota le fa ke tsene dikgang tsa bagodi, le nna ratswale o tiketse ka nna. 
malatsi. Ke tla boela teng morago ga malatsi a se kae. 
19. Jonase : Monna wa enšorense ya dikoloi go tswa Garankua. 
8. Mponeng : Mosadi wa ga Ramoepa. Mosadi yo o letsipa ka tsalo. 
4. Setlhoa Maphata a mabedi a eme ka dinao. Go sisibetse Badiragatsi ba laolwa ke maikutlo 
kgatuRe: O wa me, ga go poo pedi fa! Ke ikana ka rre a ntse a tshela…! 
e) Lemorago la tikologo le le lekanyeditsweng, le sa sutasute, le lekana le ditiragalo le kgotlhang e e rarabololwang. 
Mponeng: Ao, ngwanaka! (A tsenwa ke tsebetsebe). 
Mponeng: (Ka go tenega). Didimala ngwanaka. Thuso ya gago e gaufi. Re tlile go swabisa satane. Re ile go ba bolelela tse ba di jeleng ka tlala. Tseo ke diphirimisi fela. 
tsholofelo: Ke bone e kete rre o hupile tedu. Go raya gore ga a rate tshitshinyo ya ga Ngakane. 
Tse dingwe di sa le morago. 
43. Mponeng le Ramoepa ba ganana le gore Ngakane a ye seyantlo sa mogoloe. 
ntaoleng: Dumelang bagaetsho ba ba tlotlegang! Badimo ba ga Ntaoleng le ba ga Ramoepa, ba re kopantse ka lorato. Ka jalo re kgonne go wetsa dikapolo tsa ngwetsi ya rona, ngwana wa lona. Ke lebisa mafoko a a latelang go wena Thando ngwetsi ya me. O ntse tsebe ntlha go retsa ditaelo. O itlhobile boroko go amogela kalafo ya moswelwa. Ga o a ke wa tsenwa ke dilo tsa sekgoeng. Maitsholo le maitseo a ka tlatsa mmeto. Leo ke le ke go tlotlomatsang ka lona lefoko. (A goga setilo go nna fa fatshe). 
RaMoepa: Bakgotsi! Re ntse re beile tsebe. Fa letsoku le tshwanela ngwana wa rona Thando, re wela matswalo. Re ne re ka swaba nko go feta molomo fa re kabo re bileditswe matlhabisaditlhong a bonyana. Ngwana yo, ke wa rona botlhe, fa a thuba lelapa o re kgoreletsa botlhe. Ke a leboga. (A nna fa fatshe). 
RaMoepa: Lo amogetswe, batho ba bantle. (O tsaya manno). 
RaMoepa: A lo ipaakantse, rre Bantomo? 
kgatuRe: Go siame Thando. Nte re fokotse bosigo. (Ba boela ba robala). 
12. Kgature : Monna wa lenyalo la bobedi la ga Thando, ke Ralebentlele. 
thando: Tsholofelo! Tsholofelo! ( A ja lebati ka monwana). Ke nna Thando, bula tuu! 
thando: (O a lela) Ke lorisitswe ke rre Ntaoleng. 
senkepeng: Tlisa palamonwana eo ya gago ke e go beele.
ntaoleng: Ke eng e kete o itebaditse ka go boela tirong jaana? 
Modiragatsimogolo yo o bakang ntwa/yo o tshwenyang 
kgatuRe: Ke gona ke tlelwang ke tlhaloganyo ya gore ngwana o itsiwe ke mmaagwe. Ga ke batle go tloga ke inyatsetsa go go thusa. 
Mponeng: Wa reng ka ga senyantlo? 
thando: Se tshwenyege tsala. Seo ga se kitla se 
kgatuRe: Ehe! O raya toro ya maloba. A tlheng o ne o ntobela? 
Rasebintsolo: Thando! Thando …! (O bitsa a tsweletse ka go gabola mogodungwana a o hupela ka borotho jwa kgaragana. Koloi e ntse e dumaduma ka fa ntle). 
Mponeng: Nnyaya ngwanaka. Wela makgwafo. Tseo di raya wena. Nna ke gana lefoko la seyantlo. Sa bofelo, ke itumeletse tirisano mmogo le tsala ya gago Senkepeng. Lo tsamae sentle banaka. 
thando: (O tlhamalela go mogatse o mo atla a ntse a pentse batsadi ba ga Kgature ka leitlho). Dumela rraabo! 
motho go ya ka se a se anang. 
bantoMo: (Ka boitumelo) O opile kgomo lonaka mmaabo. Ke leina le le ntle e le ruri. Ngwana yo o amogetswe ´sikeng la ga Bantomo. Re a lo rata banaka? 
Jonase: Tsena motho yo montle. 
RaMoepa: O se tlhole o ithaya o re … E re o gopola tshukudu o ikanye setlhare. (Ka setshego). 
14. Neela maina a ngwana wa ga Thando a neng a a fiwa o bo o bolele gore one a a fiwa ke bo mang? 
(Kwa Geelhout Park mo ntlong ya ga Senkepeng. Ke nako ya botlhano mo tshokologong go tsena Kgature). 
bantoMo: Ke ntse ke reeditse mma. Ke rile ke latlhela la motlapitso ga go nko e e tswang lemina. Rona re ne re sa itse fa go le jaana. Lo tla sala sentle (Ba a tswa). 
tsholofelo: (Ka go tenega.) A re ntlo ya gagwe! Ijoo! 
Mponeng: (Ka go gakgamala). Heelang! Motho o batlile go tshwana le ngwanake Thando. Nta ke lebelele sentle. (O baya seatla mo phatleng). 
“Senakangwedi”. Dikgangkhutswe (Edncum / Maskew Miller) 
thando: (O rothisa keledi.) Fela jaaka o bona morwalo o. Monna yole o mpelegesitse. bantlhoile: E le fa molato o letse kae? thando: Motlhodi wa motho o gaisa wa tsagana. Tsala ya gago le nna Senkepeng. bantlhoile: Heela Thando! Motho yole noga ya dinoga. Ke mo tlhatsitse jaaka matagwa a atle a dire go fokotsa… 
kgatuRe: (Ka boitumelo). Se rialo tlhe! A mme o bua nnete ratu? 
10. Bantomo : Batsadi ba ga Kgature
Tadi e amusa: Go le motshegare letsatsi le penne. 
thando: Ao, tlhe ratu! Ke ka se kgone go e golaganya sentle. 
Jonase: Go tswa mo dikarataneng, go bontsha tiro e ke e dirang. Ka bokhutshwane, ke moemedi wa dikotsi tsa dipalangwa. Ke dira mo “enšorenseng” ya lefapha la dituelo tsa ba ba amegileng mo dikotsing tsa ditsela. 
Ralekwatiti: (O buisa go tswa mo Beibeleng. Lekwalo la Pesalome15. Pesalome ya ga Dafita). “Morena, ke mang yo o ka tsenang mo Tenteng ya gago? Ke mang yo o ka nnang mo thabeng ya gago e e boitshepo? Ke ene fela yo o tsamayang a se na molato, a dira ka tshiamo, a bua boammaruri ka pelo, yo o sa senyeng motho leina ka loleme. A sa direle mongwe-ka -ena bosula, a sa kgobe wa ga gabo.” 
ntaoleng: Lo tsamae lo gadimile. Ga re kitla re lo laletsa fa re tshwaraganya bana. Lo tlile go utlwa ka bafeti ba tsela. 
thando: Hei! Ga ke itse gore a ke tlile go kgona malatsi a mararo ntle le wa pelo ya me. E tla re re re ke dipitse ra di bona ka mebala. (O tsena mo ntlong a ntse a bua a le esi). 
gabatshwane: (Ka go tshoga) Ao, Thando! Mme tlhe e kete o tla re tshosa jaana? 
“Metlholotlholo”. Dikgangkhutswe (Vivlia) 
senkepeng: Jaanong o ne o akanya eng? 
lesope: (A forogotlha menwana ya matsogo). Ngakane o ikaleditse kwa sekgweng. 
4. Kgaolo 1................................ 1 
Jonase: (Ka go otlolola seatla) Tselatshweu mmaarona. (Ba a kgaogana) 
thando: Go ntse jalo, ke ntse ke mo reeditse. Rre a ka tswelela. 
thando: Ke fela jaaka ke tlhalositse le jaaka a bua. Tota o ne a le bogale mo go nna maabane. 
senyaka: Ke maitapiso fela, nna ke bona o tla itaya kwa ntle jaaka tlhobolo ya bujane. Fa o se kelotlhoko, o tsoga o re lefatshe le go futsitse, ntswa e le wena moipolai yo o sa lelelweng. O tsenyetsang Thando matlho a lefatshe leno ruri? Nna ka re boela gae, o fete o ikope maitshwarelo. A me a kalo mophoting yo mogolo. 
ntaoleng: (Ka tsibogo e e tlhakantseng le boitumelo). Ao, tlhe …! A mafoko a mantle ruri ngwanaka. Ke a nesetsa pula! Tsamayang le Modimo go fitlha lo boa. 
thando: O nepile. Bosa bo sele ntle le mahube. Batho ba bogadi ba mina ka nko tse pedi. Ba eme ka la bona lefoko. 
(Ke nako ya bosupa mo mosong wa Mosupologo Thando o emetse dithekisi tse di yang Lotlhakane. Bantlhoile o mo fitlhela fa renkeng ya Tlhabane). 
(Kwa ga Ntaoleng ke laboraro ka nako ya bone mo maitsiboeng. Koloi ya ga Kgature e tsetlela fa hekeng. Thando o fologa le Tsholofelo. Koloi e wela tsela). 
22. Phuthego : Phuthego ya Faith Mission mo Tlhabane. 
thando: Ke fano Tsholofelo. Nka go direla eng mogadibo? 
kgatuRe: Nna ke feditse le monagano wa me. Setlhare sa mosi ke go o katoga. 
kgatuRe: (Ka letshogo) Hei! Ka tla ka wela mathata ka mpa ya sebete e le ruri. Ruri nko e e sa dupeng e (A supa nko ya gagwe). 
(Kwa Rustenburg mmileng wa Van Staden nako ke ura ya lesomepedi Sethoboloko. Thando o tsena ka moago wa House of Estates). 
tsholofelo: Dumela malome! Ke romilwe kwa go ausi Thando. 
(Kwa motseng wa Tsitsing. Ke mo mosong wa ura ya borataro tsatsi la Lamatlhatso. Ba ga Ntaoleng le ba ga Ramoepa ba kokoane mo lelapeng la ga Ntaoleng. Ke letsatsi la dikapolo tsa ga Thando). 
nkeMeleng: (A tsena ka ntlo). Ijoo, nna, wee! Ga twe ngwanake o bonnang motlholo ruri? 
thando: Fa Ngakane a ka dumela, ke ikgaola tlhogo. 
Mponeng: (Ka go tenega). Ija, Ija, Ija….! Lo sutlhile sekgwa ka puo. Bana bona ba reng? 
senkepeng: Go iswa seyantlo! 
thando: (O ja setswalo ka monwana). Koko… 
Jonase: Re ka itumela fa o ka dirisa moso wa gompieno nako nngwe le nngwe. O dirise mmila wa Van Staden House of Estates. Number 779B. 
(Kwa Kopmane kwa ntlong ya ga Ramoepa. Ke nako ya borobongwe mo mosong. Go goroga Bantomo le Nkemeleng). 
tsholofelo: (Ka letshogo). Wa reng? O ikaleditse! Mang Tota? E seng kgaitsadiake. 
gabatshwane: Go ntse jalo ngwanaka. Le nna ke mo lemogile. O kgatlhanong le yona. Ke tla leka go lemosa malomaalona Setonti ka kgang e. 
gabatshwane: Lo a makatsa ruri. Lo tsaya bogadi gabedi. Lo ile go tshegwa ke ditšhaba. 
thando: (O gadima Kgature) Nnyaya mma! re ne re itlotlela fela. Ga go molato ope mo go rona. Ngwana ke ena a sa re robatsang. O a bobola. 
gabatshwane: Rraabo! Konotetsa kgang eno. Ba neye nako go ikakanya. 
thando: Ratu! Go mongwe yo o tsenang. E re ke ye go mmulela. (Go tsena Tsholofelo.) 
thando: Ke mmoleletse go ka tlala seatla. Fa e le motho o utlwile, fela se se makatsang ke fa batsadi ba gagwe ba nnetefaletsa jalo. 
5. Morago ga phitlho ya ga Ntaoleng, Thando ga a ka a kgona go boa ka bonako ntswa Kgature a ne a tlile go mo tsaya; molato e ne e le eng? 
• Maitemogelo a Borutabana: O simolotse tiro ya go ruta mo Batlhalerwa Primary (Tweelaagte). A dira gape mo Segakwana Primary, Mokhine Primary ele morutabana a tlhatlhoswa go nna Motlatsamogokgo mo Matuana Primary go fitlha ka March 1998. A tlhatlhoswa go nna mogokgo wa sekolo sa Madutle Primary (Welgeval Village ) ka April 1998. Tse dintsi tsa botshelo o di itemogetse le go di ithuta teng mo sekolong se gore botshelo ga bo ratanelwe. 
ngakane: Nte ke bue puo phaa! Nna ke rata go ya seyantlo sa ga nkgonne. A o a nkutlwa? 
ngakane: (O a tsena.) Dumelang bagolo! 
6. Bokhutlo Ditiragalo di a khutla 
gabatshwane: E le gore o jewa ke eng? 
phuthego: (Ba feleletsa ka sefela.) “Nna ke seboko leroleng, ke mo poifong ya loso. Kgomotso ga e teng moeng, nkgomotse, wena Jeso, yo o ntshwetseng sefapanong go nthekolola mo losong. O ntlhomogele pelo.” (Moruti o dira thapelo ya phelegetso diatla di tsholeditswe godimo). 
setonti: Rra, tlogela go ketlolaketlola mafoko. Re 
d) Molaetsa/Thuto Molaetsa ke thuto e moterama a batlang go e naya babuisi. Ona o senoga kwa bokhutlong jwa ditiragalo, go ya fela ka tsela e kgotlhang e rarabololwang ka yona. Le fa re ka se dumalane le ene gona ene o a bo a rialo. 
setonti: Wena abuti le ausi, digang makgwafo. Modimo o mogolo yo setlogolo ena, o sale mmotlana. O tlile go rakana le yo o mo lebaneng. A tsee nako. 
a. Go ya ka wena, a tlotlomatso e e nepagetse? Tshegetsa karabo ya gago ka mabaka a a utlwalang. 
senkepeng: Ao! 
ntaoleng: Heela rra! O kopane kae le motho yo? (O supile setshwantsho). 
ntaoleng: Bona fa rre Ramoepa. Ga re na ngwana yo re mo tsenyang mo kgwebong. Lo a re gakgamatsa. Lo re neile ngwana ka nyalo, gompieno ke lona gape lo batlang go mo nyala mo go rona. 
52. Ngakane o ne a na le lekgarebe mme a sa ikaelela go nna le basadi ba babedi fa Thando ena a ne a se na bothata go nna mosadi wa bobedi. 
ntaoleng: Heela monna Ngakane! 
ntaoleng: Bana ba gompieno, ba bona balekane motho wa bona a ntse a routse. 
ntaoleng: Ke eng se se go rutang jalo? 
senkepeng: Ke eng seo Thando? 
ntaoleng: Re le utlwa ka tsoopedi bagaetsho. Fa lo re bona re riana, lapeng le ga re je di welang. Motlhapisa podi ngolwana ga se mogami wa yona. Lelapa la monna ga se botshamekelo. Lelapa la rona le a tlhakatlhakana. Ke tshwanelwa go tswa leano. 
kgatuRe: Molato o fa kae? 
phuthego: Moya o a re; Ee, gore ba bone boitapoloso mo matsapeng a bone. 
nkeMeleng: (Ka go nyema moko). O ntse o ikutlwela rra. Dikgobamarapo ke tseo. 
Mponeng: Ga se jalo ratu. Ke ne ke ithaya ke re Thando. Tota o nkgarotse letswalo. 
Re go reeditse, le fa tota tlhogo ya gago e bontsha e le ya motho e le tsotsi. 
RaMoepa: (A se emele nako ya gagwe. A re, tswee)! Ga go so´ seo. O se tlhole o bua puo eo. (A nna fa fatshe a sosobantse phatla). 
Rasebintsolo, ga mmogo le pasa). A ke lona batsadi ba monna yo? 
20. Phuthego : Phuthego ya Pentekosete mo Tsitsing. 
2. S.E.D. (Secondary Education Diploma: Vista University.) 
Mponeng: Re ile go tla nae. 
thando: (O a goeletsa.) Heela, malome Setonti! Ke kopa o tle kwano. 
thando: Ke a bona ka ntlha ya MMF le MVA. Morago ga loso lwa ga Rasebintsolo. Tse dintsi re tla di bua ka moso bo sele. 
thando: (Ka ditlhong a forogotlha menwana ya matsogo) Ke a utlwa bagolo. Ga ke gane sepe seo lo se akantseng, mme fela ke ntse ke tshotse leina la “Ikgomotseng.” 
7. Ramoepa : Monna yo o setsumpa ka tebo. 
thando: Ke swabile nko go feta molomo. Ke tshokile ka tshoganyetswa ke monnawe Rasebintsolo. 
9. Fa Thando a apola rou, Ntaoleng o ne a mo tlotlomaletsa maitsholo le maitseo a gagwe ka nako ya go ikilela le gore ke bona ba mo apotseng e bile Thando ga a tsenwa ke dilo tsa sekgoa. 
tsholofelo: Nkgonne, ke a itse pelo ga e na molekane. Go tloga jaanong o kgwele mathe seatleng. Se sa feleng se a bo se tlhola. Tlogela go ikgarakgatsha mogopolo tuu! Modimo o mogolo o tlile go go naya molekane yo o go tshwanetseng. Lebala ka ga Thando tuu! 
thando: (Mo tseleng a kotama godimo ga letlapa. O bua a le esi.) Kana mongwe o kile a bua are; Tlhapi solofela leraga metsi a tshele o a lebile. Tsotlhe tse ke neng ke na natso di ntatlhegetse. Ke gopola mafoko a ga moruti mo bukeng ya ga Jobo fa a ne a re: ´Ke tlile ke le fela fela mme ke tla boa ke le fela fela.. Ka nako ke sotlegelang nna mosadi wa moitshodi. Ka nako e ke neng ke na le tsotlhe, moruti o kile a nkgothatsa go ya kerekeng. Ke ne ka nna kgatlhanong le kereke. Ke tla tshwana le morwa sesenyi. Ke tla boela go moruti ke simolole go tsamaya kereke. Nkabo ke ngwana wa morago. Ruri ke boammaruri jo bo senang bana ba phefo fa go twe ’foko la moswi ga le fetolwe. Ke moipolai yo o sa lelelweng. (O a lela.) 
RaMoepa: Dumela Thando le moeng wa gago. 
kgatuRe: (Ka go makala.) Se rialo tlhe motho ke wena! 
RaMoepa: Gontse re utlwile ngwanaka. Se ileng se ile… 
gabatshwane: (A ntse a rothisa keledi). Ga ke itse gore a ngwanake o bona seo re se bonang? 
gabatshwane: Motho yo le buang ka ena fa, o teng. Sebe sa phiri fela ke gore,o ne a nyetswe ke morwa wa rona fa. Monna wa gagwe o mo tlogetse ka ntlha ya kotsi ya koloi. E ne e ntse e le monna le mosadi. 
senkepeng: Ijoo! Tsala ya me … A ke wena o letseng go twe o ne o letsitse mogala? 
Rasebintsolo? (A mo penya ka leitlho). 
thando: Re mmogo rra, mme o ka tswela pele. 
kgatuRe: Bua fela mmaetsho ke go reeditse. 
ngakane: Ke batla go ya seyantlo sa ga nkgonne. 
nkeMeleng: Ke jaaka rre, a rile lo tla re inela diatla metsing. Re pateleditswe ke mabaka go itlisa fano. 
thando: O a itse! Ke utlwa tlhogo ya me e lela meropa. Tokologo mo go nna tota ke moila. Rre Ntaoleng o batla ngwana kwa lelapeng la ga Rasebintsolo go seng jalo, a re o tlile go mo itseela ka la gagwe letsogo, mme rona re tla sala re tlhoname. 
senkepeng: (Ka monyenyo). Bona fa, Kgature! Ga ke batle gore o tsoge o ikgolola ka nna. Nnyaya ruri… 
MoRuti isang: (Ka go tsholetsa diatla, o naya tshegofatso.) A Morena wa rona Jeso Keresete ka esi, le Modimo Rraarona, yo o re ratileng a ba a re naya kgomotso e e sa khutleng le tsholofelo e e molemo, a a gomotse dipelo tsa lona, a lo tlhomamise mo ditiriong le mo puong nngwe le nngwe e e molemo. 
26. O bua le mang? 
thando: Koo – koo. 
setonti: (Ka go tlalelwa) O tlile gae! 
senyaka: Mafoko ga a timanwe, go timanwa nama. 
ngakane: Rre o raya jang? 
Mponeng: O foo ke fano rraabo! Le nna ka ditsebe ke a utlwa fela ka kgopolo ga ke kgone go golaganya sepe. 
ngakane: Ausi Thando o kile a nkutswetsa mapai a ga 
gabatshwane: Ao mosetsana wa me! A le wena o itsalanya le keletso ya ga abuti wa gago? 
RaMoepa: Ema pele mmaabo. Nte a re tswele ka kgang. 
kgatuRe: Heela, motho wa batho! Monate wa lenyalo o nyeletse. Ditshepiso, dikeletso, maikano, lefelafela. 
gabatshwane: Nnyaya rraabo, ga o a bolaya motho. Le nna tota ke ne ke le gaufi le go makala. 
setonti: Wena rre wa “enšorense”, o tota o rometswe ke mang fano? Kgotsa ake wena o begang dintsho tsa batho? 
Rasebintsolo: Dumela mma. (O mo naya seatla). 
19. Ke mang mmui wa mafoko a? 
ntaoleng: Heela mosimane ke wena! Wa re o lorile eng? 
senkepeng: Thando, tsala! Yo ke rre Kgature, ke ene yo ke neng ke mo leleditse. O se mo ise tlhogong ke motho wa metlae. Wena Kagture, yo ke Thando, tsala ya me ya botlhokwa. Ke kopa lo itsane. (Ba tshwaragana ka diatla). 
gabatshwane: (A mo tsena ganong matsogo a setse a le moweng). O buile boammaruri jo bo senang bana ba phefo rraabo. Motlhodi wa motho o gaisa wa tsagana. Bomasenyeletsa ba ikadile le bophara jwa lefatshe. Ga se bona fela, boretlammona gore o tla felela kae ba ntse dikhutlhwaneng tsa meago ya bona. (Kopi ya leba molomong). 
thando: Wa rialo tsala! (Ka go tshoga). 
gabatshwane: Ngwanaka, ngwetsi ya rona e re e ratang jaaka re ithata, namatshega mo moeng. Re na le wena botlhokong le monateng. Re fano jaaka batsadi ba gago. Modimo o mogolo thata pele ga rona. 
Forest Drive, Pinelands, Cape Town 
Mponeng: Motsalwamorago, ke mo ja boswa. Mojamorago ke kgosi. (A tshega). Borra le mma, mafoko a lona a tsene ka tsebe tsoopedi. Ba ga Ntaoleng, re ntse re beile tsebe. Lo buile go ka tlala seatla. Tota motho a ka re, lo ntseetse mafoko. (A boela mo setilong sa gagwe). 
thando: Jaaka monna le mosadi. 
thando: Nnyaya e seng jalo mma. Ke ne ka fudugela mo go e nngwe. Mo mesong ka phakelela batsadi ba gagwe. 
3. O ikaegile ka botshelo le maitsholo a ga Senkepeng le Thando, bapisa botshelo jwa lekeišene le jwa magae. 
ntaoleng: Ngwetsi ya me o nkutlwe. Reetsa puo ya me. Bagolo ba ga Thando! lo nkutlwe fa ke fosa lo re moo ga se nnete. Ngwetsi ya rona re e bofolotse. O tshwanelwa ke go dira tiro ya sesadi lapeng le morafeng. Ka lorato lo sa tlhophe, le segatlhamela masisi, Thando ke motho wa madi. Dithaeletsego di fofa moweng. 
thando: O re go mpona! Ke makgabe a dipapetla. 
(Go motshegare wa Labobedi mo Geelhout Park. Thando o tsena fa ga Senkepeng. Go mogote o o pateleditseng Senkepeng go ithateletsa ka toulo fela). 
gabatshwane: Bagaetsho! A lo rekisa ngwana re ntse re mo tshotse? 
ntaoleng: Go diragetse eng ka ngwanake? Tlhalosa ka bonako tuu! 
Mponeng: Ao, rraabo! Ga o ntheye o re motho yo ke ngwanake. Nna tota ke ntse ke re mofeti wa tsela. (A mo sianela. A mo atla). 
ngakane: Tota go a bontsha gore o na le lorato la mosadi tota. Ke ka moo ke bonang go ka ntswela molemo go tlhokomela tsa ga nkgonne. 
setonti: Nnyaya tlhe kgaitsadi. Rre a a tswelele ka go itlhalosa. Se mo tsenye sesuga ganong. 
1.2.5 Diponagalo tsa teramakhutshwe Teramakhutshwe e na le diponagalo tse e leng tsa yona tse di e tlhaolang mo makaleng a mangwe a a kailweng fa godimo. E tshwanetse ya nna khutshwane. Leba diponagalo tse di latelang mme o di batle mo diterameng tsotlhe tsa “Matsapa di a tsaya kae?”: a) kgotlhang e e bonolo, e e rarabologang ka bonako terama e ise e lelefale. b) Badiragatsi ba palo e e potlana ba ba sa lelefatseng ditiragalo. c) Badiragatsi ba ba botlhale, ba ba rarabololang kgotlhang ka bonako. 
5. Kgaolo 2 ............................... 14 
(Ke nako ya ura ya borobedi mo mosong. Mo ntlong ya ga Rasebintsolo, Ntaoleng le mogatse ba tshwaragane le go goduma mogodungwana le ngwetsi ya bona Thando). 
thando: (A bula heke) Ba tla re intshwarela… 
thando: (Ka go gakgamala). O a itse! Ga ke dumele seo ke se bonang ruri. Tota lo tshela botshelo jo bo kwa godimo. Lo phela sekgoa tota. 
thando: O bua nnete. Se teng. O itse go batlisisa kemo ya motho. Ratu! Ke na le mathata. 
Mponeng: Ee, ngwanaka. Fa ke leba ka matlho a me o foufaditswe ke lesira la lorato. Ga o ise o fatlhologe sentle. Kamoso o tloga e re o fatlhologa wa fitlhelwa o fatlhwa ke yo wa rona. Emela thaka tsa gago ngwanaka. 
thando: Jaanong mosese o montsho o, ke ya go dira jang ka ona. 
Mponeng: Ao tlhe! Ke mosetsana yo montle ruri. Banaka lo bolokaneng lo gaiseng rona. 
kgatuRe: Mmaago Ikgomotseng! A re ikhutse. Re tla tsoga re di feleletsa bosele. Nte re ikhutse, motho o tloga o tsoga o koumela mo bathong. (Ba a robala). 
Jonase: (O emelela go goga mokgobe wa dikwalwa) Mma ke kopa gore o phuthologe mo kantorong e. Fa o sa tlhaloganyeng teng, o wetse mogopolo mme o kgone go botsa. 
Jonase: Ka fa lapeng bagaetsho. (O tlola ka kgoro). 
thando: Ga ke riana, ke imetswe ke letsapa la go lala ke tlhobaeditswe ke motho ke mo tsaya jaaka nnake. 
tsholofelo: (O ba tsena ka bogare). Tota mma, fa dilo di ka bo di itirelwa, lo ne lo tshwanela go nyadisa ausi Thando Ngakane. Dikgomo tsa gaetsho di ne di tshwanetse tsa boelwa. 
setonti: Dumela ngwetsi ya rona. 
setonti: Nna ga ke na kgang. Ke tlaletswe fa ke riana. O re ganne. Re lekile go go ikgomaretsa, mme wa re itatola letsatsi le penne. Dintsho tse di tlileng mo lelapeng leno, ke ka ntlha ya lorato la batsadi ba ga Rasebintsolo mogatso. 
bantoMo: Re eletsa fa lo ka se re akgele diatla. Ngwana ke wa lona. Tota le fa mo sebakeng se lo mo lwela, o tshwanetswe ke go gololwa mo go pheleng ka pitlagano. 
ntaoleng: Rraago Thando! Elatlhoko gore moapaya pitsa, ga a gaise beng ba dijo ka sepe. Le fa o ka ititaaganya le lefatshe Thando ga a kitla a tswa mo lapeng lena. 
thando: Ke tsogile bagolo, le fa tota ke sa tsoga. 
thando: (Ka ditlhong) Ke… ke…! 
thando: Ao, tlhe ntate, bua tlhe! Tlhang o nkgarola pelo? 
(Ka kgwedi ya Seetebosigo kwa gaabo Kgature felong la Tlhabane, morago ga moletlo wa go ntsha ngwana mo ntlong. Ka nako ya kgogamasigo, Thando o robetse ka go tlhobaela.) 
b. Fa e le gore tlotlomatso e, ga e a tshwanela Thando, ke sekapuo sefe se re ka reng Ntaoleng o ne a se dirisa? 
bantoMo: Ngwanaka, Thando! Mmaago fano o ntseetse mafoko. O tshegofaditswe gareng ga basadi. Ngwana yo, ke sona seipone sa mosadi a le mo nyalong. Ka ena, o re bontshitse bosadi jwa gago. Lapa le tlhokang ngwana dintwa ga di fele. 
ntaoleng: O raya ntlo ya ngwanake? 
Ba ntshetsana a metlhagare: Go itse go tshegelana le itumelelana. 
bantoMo: Re lebogela kamogelo ya lona. 
tsholofelo: Le fa tota ke sutlheletse mo mafokong a bagolo. Go a tshwanela gore gonne fela jaaka ke eletsa. 
ntaoleng: (Ka phuthulogo). Go siame ngwanaka, a e nne tselatshweu. Ba dumele kwa le yang teng. 
thando: Ruri ka re metlholo ya lefatshe le. O fitlhela fela monna wa lelapa a atlhametswe ke banyana ba mo aketsa. Motho wa teng a lebetse gore o tla newa leina la sepharabasading. 
boammaruri. (Ka kopelo). 
thando: Wa rialo ratu! 
thando: Le fa go se jalo, yoo ga ke kitla ke mo lebala. Ke ene modi wa botshelo jwa me. Seriti sa gagwe ke se tlotla bosigo le motshegare. 
13. Thando o itsaya jaaka moipolai yo o sa lelelweng morago ga gore Tsholofelo le Ngakane ba mo tlhabise tsela. A mme ke ena? Tlhalosa. 
tsholofelo: Nna tota ke ne ke iphorile ke re o gorogile. Motho ga a itsewe e se naga. Malatsi ano o re fetogetse. 
(Ke Laboraro wa mafelo a kgwedi ya Lwetse. Ke nako ya bone mo maitsiboeng. Thekisi ya Tlhabane e goroga mo motseng. Thando o fologa gaufi le ntlo ya gaabo. O kikimere morwalo diatleng tsotlhe). 
Rasebintsolo: (O tsena mo koloing). O repe. Ke tla go go tsaya ka Labobedi thapama. (Ba atlana. Koloi ya wela tsela). 
kgatuRe: O a itse go sengwe! 
ngakane: Se nyatse jalo tsala. Maikutlo a batho a farologane. A me maikutlo, a batla mogomotsi. 
thando: Ngakane, nnaka! Dijo di wetse. Ke utlwa letsapanyana. Ga ke a iketla mo mogopolong. ngakane: A o sa ntse o gopotse yole nkgonne? 
2. Go latela Rasebintsolo, dinoka tsa ga Thando di tletse, di tladitswe ke eng? 
12.Lenanefoko/Mareo/Tlelosari ............... 102 
thando: (Kwa ntle o thikga keledi.) Bathong tlhe intshwareleng! Ke ne ke sa itse se ke se dirang. 
• Go lemosa barutwa botlhokwa jwa maduo a a abelwang dipotso mabapi le tekanyetso ya boleele jwa dikarabo gore palo ya maduo le boleele jwa karabo di tsamaisane. 
thando: Hei tsala! Ka re dilo fa o sa di tlwaela … Le gale re tla di utlwa teng. (O thobunyela mo metsing go fokotsa mofufutso). 
41. Senkepeng o gakolotse Thando gore a amele Kgature ka seemo sa gagwe sa bosadi. 
thando: Rraetsho! Ke kopa tshwarelo fa ke se kile ka kgona go boa ka bonako. 
ngakane: Nnyaya rre, ga go jalo. Ke ne ke kopile 
senyaka: Wa reng? O tlogela tiro. (A tshikinya tlhogo). O tshwanetse o bo o sa inagana sentle. 
thando: O ka bua puo tsa batho le tsa baengele, fela nna mo ntlong ena ga ke kitla ke tswa. O ntseetse madi a me a diensorenre. Pele ke tswa fa, o bo o a beile seatleng sa me. 
f) Nako e e lekanyeditsweng e e sa atoloseng terama. 
E rulagantswe ke Boitumelo Phalatse Mothalo wa buka ke MML Design Studio Mothalo wa bokwantle ka MML Design Studio le Future Pre Press Botaki ba bokwantle ka Yvonne Mamothusi Thulaganyo ya mokwalo ka Karen Graphics 
ngakane: Rre o ne a reng? 
thando: (Ka go imakatsa.) O raya sa mofuta mang? 
nkeMeleng: (O a kokota). 
Jonase: (A komakoma ka tlhogo pene ya gagwe e ntse e betsabetsa godimo ga lekwalo) Mma, ka boripana ke go naya madi a a kana ka R 32 700. Ke bontlha bongwe jwa ditshwanelo tsa gago mabapi le tatlhegelo ya molekane wa gago ka kotsi ya sejanaga. Ke madi a “Third Party”. 
thando: Ke utlwile rra. Ke tla goroga mo nakong e e sa fediseng pelo. Sala sentle rra. 
ntaoleng: Botsogo bo kae? Tlhang o re phakeletse? 
thando: Ngwana yo! (A supa lesea). 
4. Tlhopha botshelo jo go ya ka wena bo leng botoka mme o tshegetse tlhopho ya gago ka mabaka. 
Morero/thitokgang: Modi wa kgang. Se kgang e ikaegileng ka sona 
gabatshwane: Go siame tlhe Tsholo. Re etla gona jaanong. (Ba a tsoga). 
gabatshwane: Ijoo …! (A rwala diatla mo tlhogong).
kgatuRe: (Ka go tenega). Bona fa mme wa batho. O ntshotlile e le ruri. O ntsentse matlho a lefatshe. Ke tshegwe le ke dipota tse. 
f) Poloto Tatelano ya ditiragalo di na le mabaka a a di tlholang e bidiwa poloto. Poloto ya terama e tsamaya ka dikgato. Dikgato tsa poloto ya terama: 
Cover design by MML Design Studio and Future Pre Press 
kgatuRe: Nnyaa, Thando! Se tshwenyege. Ke lekile go tlhalosetsa mme le rre. Goroga o tle o bone go itapolosa. Ke tla go tshelela metsi a a bothitho go ithoba. 
kgatuRe: Tsaya setilo ke seo, re sa ntse re ithulaganya. 
kgatuRe: Kgaitsadia motho Senkepeng. O intshwarele go tsena ka go ratharatha. Ke ntse jalo fa nako e letla. Sala sentle, ga ke fodise matshego. (Kgature a mo gakolola go tsaya diphatlho tsa gagwe. A emelela a ntse a tshwere Thando ka seatla). 
ngakane: Le yona ke e akareditse. 
15. Senkepeng 16. Bantlhoile : : } Ditsala tsa ga Thando mo Geelhout Park. 
thando: (O itsheka keledi). Ee, ntate. Ke go reeditse. 
phatleng. Tota ke ka bua go feta fa, ke tla neela Rre moruti go felegetsa ngwana wa rona. (Setopo se folosetswa tlase). 
37. Ke tiragalo efe e e botlhoko e e diragetseng pele ga mafoko a? 
Rasebintsolo: Thando! Tse dintsi re tla di bua fa o boa. Nta ke laele rre pele. 
arabeng. O se ke wa re isa kwa le kwa. A o a utlwa Ngakane? 
thando: Kana tiragalo e, e diragetse go robetswe. Ke bile ka tshwanelwa ke go fudugela mo phaposing e nngwe go latsa tlhogo. Ke phakeletse bagolo ba gagwe go sa le mo phakeleng. 
gabatshwane: Rraago o bua nnete ngwanaka, phothulola mogopolo ngwetsi ya rona. Re fano go go sireletsa ka pelo tse di edileng. 
ntaoleng: Ke ikgata motlhala bagaetsho. Ke tla tlogela go potapotela. Ke tla tlhabega ting go belela ka pele. Re eletsa fa mosimane wa rona Ngakane a ka ya seyantlo sa ga mogolowe. 
thando: O raya nako mang, le gona ka letsatsi lefe? 
(Kwa ga gabo Rasebintsolo go mo mosong wa Lamatlhatso. Thando o tsogile, morago ga go tlhapa o bua a le esi) 
kgatuRe: Se tshwenyege. Maano ga a site go sita loso. Le wena o ka nna wa thiba phatlha ya gagwe. 
Mponeng: Ga re mo rekise. Re gana fela go iswa seyantlo. Ke eng fa lo pateletsa ngwetsi ya lona go dira selo se se kgatlhanong le maikutlo a gagwe? 
ngakane: Mohumi yole wa Tlhabane o kae? 
thando: Badimo ba gago ba go arabetse ka pele. Nna ke ne ke sa gopola gore kopano ya rona ya ntlha go tla nna jaana. (A supa dimpa). 
thando: Ke lo tlhoafaletse malome. 
Mponeng: Re a leboga bétsho. Kana re sa ntse re ile go lwa ntwa ya go tsaya ngwana wa rona. 
nkeMeleng: (Ka go kgwa mowa). Rraabo! Ga bontsha re sa timelela kgakala. Nathela beng ba lapa lemme le o tlang o le ba phutheletse. 
senkepeng: Lo tsogile bagolo? 
go tlogela go rata bojalwa. 
senkepeng: Bona fa tsala Thando, o montle, o moša, o tshwanelwa ke go nna mo lokeišeneng. O tlogele go nna o ntse o ya le sekgwa o tsomana le go sela dibi tsa dikgomo le dikgong tsa menato. 
thando: Ka tlotlo yotlhe e ke lo nayang yona, ke kopa go naya ngwana leina le la ´Ikgomotseng`. Ke leina leo ke le lorisitsweng. 
thando: Dumela ntate! 
15. Thando o ganne Ngakane a ya seyantlo. Tlhagisa ka botlaolo ditlamorago tsa go gana go. 
ngakane: (O tswa ka ntlo.) Ke eng kgaitsadi? 
thando: Ngwana ke yo o a lwala. Nna ka fa ke tlhasetswe ke toro. Tota ga ke itse gore ke tshabele kae? (A rothisa keledi). 
thando: (Ka go seba). Owaii…! O itheela mang ne? Ke a bona o njela le matlapi. Nx! 
RaMoepa: Ke go reeditse morwadiaka. Phuthologa. 
2. BAYOKERAFI YA GA 
6. Kgaolo 3................................ 28 
LENANEFOKO/MArEO/TLELOSArI 
thando: Nnaare ga twe bo sele jang gompieno? O tshwanetse wa bo o ntlholela. E tlaare ka makuku a naka tsa kgomo, ke begelele monnamogolo kgang e e masisi e. 
tsholofelo: Rre o a go batla. 
Phogwana: Karolo e e fa bogareng 
Diteramakhutshwe: Diterama tsa kgaolo e le nngwe. 
RaMoepa: Re feletswe ke mafoko bagaetsho. Re lo bone, ga lo batho ba ba manganga. A re tshwaraganeleng morero o. Fa lo tloga fano, lo fete lo itshiamisetseng moletlo wa nyalo ya bana. Le rona re ile go itlhaganela go begela bale ba bogadi jwa ga Thando. 
gabatshwane: A kgatlhego ga e teng mo go wena Thando? 
gabatshwane: Wa rialo! Ga ke tlhaloganye … 
Jonase: (Ka tlalelo). Ao, rra! Nna ga ke kgatlhanong le thulaganyo ya lelapa, fela itse gore tsela ke rona. (Thando o goroga ka koloi ya ga Senkepeng. Ya tsetlela gaufi le heke. Ba fologa botlhe fela). 
gabatshwane: Se re se batlang ke kgang e lo tlang ka yona. Tse dingwe re tla di sekaseka. 
ngakane: Ee, mma! Ga go se ke sa se utlwang. 
thando: Ke go utlwile mma. Go tlile go ntsaya sebaka go itebatsa. Kana Rasebintsolo ke ene molekane wa me wa ntlha mo botshelong. Ke rutilwe ke ene mantlwane a bonyana go fitlha a ntira mosadi wa lelapa. 
ngakane: Nna mma ke feditse le mogopolo wa me. Malatsi a me a tiro a fedile. Ke tshwanelwa ke go boela morago kamoso. Fa lo mpatla lo tla nteletsa mogala. Ke feditse bagolo. Ke lebogela kemonokeng ya lona. 
gabatshwane: (E rile go gadima a latlhela lefoko). Hei! Ka re fa e le ba bona, ga re kitla re tlhola re ba ikhutsa. 
thando: Ke Thando yo o buang! Nka go thusa ka eng? 
senkepeng: (Mo tseleng.) Tsala! O bo bone jang mo manobonobong? 
thando: A go a makatsa? Kante ke a go ipateletsa? 
gabatshwane: Rraago banake. A e ke e nne wena o mo tsupololang molomo. O nne boripana mo go ene a tle a tlhalose. (Tsholofelo o goroga le Ngakane.) 
thando: Ga go tshwenye. Ke tla nna le ene mo go yona. 
senkepeng: Lo tsoga jang borra? 
ngakane: Ga ke tlhaloganye gore tota bothata jwa ga Thando bo phunyega kae? Ke makalela lefoko la Thando la gore ke ngwana mo go ene. 
tsholofelo: Ke romilwe. 
senkepeng: Robadiwang bagaetsho! (Koloi ya thuba lobelo go leba Geelhout Park). 
lesope: (A mmona pele.) Heela abuti Ngakange ke rona tlhe! Ke a go kopa tlhe se sutlhe naga. Tsholofelo ke yo tlhe. (Ngakane o tlhaga a tshaba a goga kalana eo a neng a ikgwageditse mo go yona). 
thando: Ke letse ke sa bona boroko. 
ntle le nna. O mpatla fa nokeng ya gagwe gangwe le gape. 
ngakane: Ga ke bue ka dikgomo fela, ke raya tsotlhe tse e leng tsa ga nkgonne. 
3. Rasebintsolo : Maitibolo a ga Ntaoleng le Gabatshwane. O mosetlha ka masetatšhe. 
10. Neela makgetho a mabedi a Jonase a tliseditseng Thando tshedimosetso ya botlhokwa. 
gabatshwane: Fa tshwaelo e le teng, ngwanaka e re neele. Tsebe gaufi e a ikutlwela. Mo go nna le rraalona re lo tsaya ka selekanyo se le sengwe. 
kgatuRe: (O gogela Thando mo go ena. A mo forogotlha dimpa). Mogatsaka! A tlheng e kete o titietse jaana? 
51. Thando ga a boelwa ke ntlo le dikgomo tsa gagwe jaaka a ne a akantse. 
setonti: Nnyaya, ditlogolo se nneng mabifi. O tla lo itlhalosetsa. Lo se mo kateleng segaswa ganong. 
Two Modules : Vista University Five Modules: Vista University of North West (Mankwe Campus). 
ntaoleng: (A tshega). Ga ke tshege rra. Ke wena o ntshikinyang, fa o re ke go tsenetse mo sekgoropeng. 
thando: Fela jaaka o ikutlwa, le nna maikutlo a me a ile godimo. Kana bongwetsi bogolo ke go nna le thari. Fa o ka itshoka wa e tingwa, o tla jela kgobedung. Mainaina a tshotlo o tla a newa tsatsi le letsatsi. 
Mponeng: Ga go kgathalesege, e bile ga go kitla go kgonega. Mosimanyana yo wa lona o tlhokile kwa a ka tshamekelang mantlwane teng. O rata go tsola ngwanake ditswalo. (O nna fa fatshe bosutlha). 
senkepeng: (Ka go gatelela.) Ke ikana ka mme ka mmaago. Ga ke re ga twe! 
11. Fa Thando a sena go lora a bua le Ntaoleng lekgetlho lwa ntlha o ne a raya Kgature a re o lebetse toro. Se se ne sa gakgamatsa Kgature mme a botsa gore a kgotsa go na le sephiri. A sona se ne se le teng? Tlhalosa. 
gabatshwane: Banaka! ga mmogo le wena Lesope, ke kopa gore mmutla o se rothe madi ka tiragalo e. 
thando: Ao, tsala ya me! O ka re o motho a dupelela. 
thando: Ee, mma! Fa a tlhokofala ke fa ke na le kgwedi tse pedi. Ratsale o ne a ntlela ka bogale tota. Loso la ngwana mo go nna ga se motlholo. Ke ne ke setse ke itse pele a ka re tlogela. 
11. Nkemeleng : 
1. Ntaoleng : Monnamogolo wa seithati, yo mosesane ka tsalo. 
senkepeng: (O utlwa koloi fa ntle. Fa a tswela kwa ntle o bona Thando). Heelang! Batho ba ke lona? (O atla Thando a bo a mo tlamparela). Dumela rra! Lo ka goroga. 
ntaoleng: (O ntsha senepe sa pasa ya ga Rasebitsolo). Setopo re supa nakedi … 
kgatuRe: Kana ke ngwana wa monna fa o mpona ke riana. Ga ke nthoromane. 
kgatuRe: A re o batla eng? 
RaMoepa: Le nna ka rialo. Tota kana o sa le mmotlana go ineela mo botshelong. 
Mponeng: A o ne wa iteseletsa? 
ngakane: Ga se jalo thaka, fela o opile kgomo lonaka. Ke na le bothata jwa go batla molekane. 
kgatuRe: Ke a leboga Senkepeng. Ke lebogela kgatlego ya gago ya go nkeleletsa katlego mo botshelong. Yo o tshwanang nao o a tlhokwa. Wena Ausi, Thando. O se inyatse go kopana le nna. Ke ntse jaaka o mpona. Ga ke fofele godimo jaaka dinong. Dilo dingwe di a lojwa, di bolelwa go le thata. Tlhokomologa ba bantsi. Nna ga ke batle sepe ke feditse fa ke na nao. Wa bobedi a ka re tlisetsa podile. Ke solofela ke tla aga ke le wa gago, le wena o nna wa me. (A susumela Thando). 
senkepeng: Ke eng e kete maemo ga a iketla jaana? 
thando: (Ka go tlhabiwa ke ditlhong). Ao, le wena tota! Ke ntse ke sa itse fa o le mongwe wa bomaratahelele. 
• Terama e na le diponagalo tse di latelang: 
ntaoleng: Banaka boobabedi! Ke lo rata lotlhe fela. Ga ke rate fa go ka nna le yo o tla phelang ka go ngobaela lapeng le. Re bana ba thari e le nngwe fela. Molao re tla tlhokomela wa lapa le. Ga go motswakwa yo o tla tlang go re neela molao. Makunutu a lelapa le e tlile go nna dikhupamarama tsa bana ba mpa. Ngwana wa me wela dibete, ngwetsi ya me se kgarakgatshe mogopolo. Ngwanaka o a nkutlwa o godile. O re apeele bogobe jwa legala re je rotlhe. La me ke leo ngwetsi ya me. Le boloke pelong e sere bosele wa tsoga o lelela kgama le mogogoro. 
Rasebintsolo. O a itse a mpherosa dibete! Mafatlha a me a kukegela godimo. 
bantlhoile: Bona fela jaaka re phela le ba merafe ya seeng. Bana ba rona ba tlhakanetse dikolo le bana ba basweu. Re phela ka phuthologo. Toropo le yona e mo dikgorong tsa rona. O rata jang tsala? 
ngakane: (Ka go itlhoboga. O bua a le esi). O ithaya a re ke ja diketo. Go mo tlogela gona, ga nkitla. Lefoko ga le boe… E kete a ka lala a ntorile. Gongwe o tla gakologelwa tsatsi lele nkgonne a sa ntse a tshela. Marumo, nna mosimane wa kakapa, ke a rometse. Phologolo fa e jelwe ke marumo, e tshaba e ntse e kobela. Se sa feleng se a bo se tlhola. Bosa bo tlile go sa. Dikgang di matlhong… (O a robala). 
45. Senkepeng ke tsala ya boammaaruri. 
(Ka nako ya bosupa mo mosong wa tsatsi la Tshipi. Matshwititshwiti a batlaphitlhong a tsholeditse pina.) 
thando: Hei, thaka! Wa tla wa mpotsa poo ya potso. Ka re, go ne go utlwala fela, “moratiwa, papa! Mama!” 
thando: Ke lebogile bagolo. Ke batla go phaila lelapa. 
gabatshwane: Rraago ke matsapa fela, o lwala tota. O batlile go go bona ka pele. Fetela kwa go ene. Ga a tshwara boroko. 
47. Ngakane o ne a ikaletsa kwa sekgweng gonne a ne a patelediwa go nyala Thando. 
ngakane: Nna fa ke riana, ke boi. Ga ke batle motho yo o tla tsogang a ntshela ka metsi a a belang. 
thando: (O tsene mo thekising ya E20 BSF128 NW) O sale sentle tsala. 
Mponeng: Nnyaya rra, ga go jalo. Losologolo ditshego 
2. Thaologo Ditiragalo di a simolola. Di tsoswa ke dikgakololo tsa moemanokeng 
senkepeng: (Ka go tsiboga). Wa rialo tsala ya me? 
lesope: Go leboga nna thata fa ke kgonne go boloka botshelo jwa ga nkgonne Ngakane. Tota ga nkitla ke ntsha mosi ka sekhurumelo. Ke a lo tshepisa. 
Mponeng: Nna, bagolo ke kopa gore re tswe mo dintsanantsaneng tsa mofuta o. A re tsweletseng pele kgang ya bana ba rona. 
nkeMeleng: Tsa etelelwa pele ke e namagadi tsa wela ka lengope. Le nna ke leboga jaaka rre a lo lebogile. 
48. Gabatshwane o ne a kopa Tsholofelo le Lesope gore ba bolelele batho ka ga go ikaletsa ga Ngakane. 
Ditshiamelo tsotlhe di sireleditswe. Ga go karolo ya kgatiso e, e e ka boelediwang, ya bolokwa mo mofuteng o o ka tlhagiswang gape ka ona, kgotsa ya gaswa mo sebopegong sengwe le sengwe kgotsa ka mokgwa o o rileng, wa elektroniki, ka motšhine, ka kgatiso kgotsa ka mokgwa o mongwe o o sa dumelesegang, ntle le gore go bonwe tumelano e e kwadilweng fatshe ya mong wa ditshiamelo tse di sireleditsweng tsa bokwadi pele. E phasaladitswe lekgetlho la ntlha ka 2008.
senkepeng: Ahee mma, tsena! 
9. Kgaolo 6................................ 75 
gabatshwane: Dumela ngwetsi ya rona! 
ngakane: Kgaitsadiaka. A re tlogele go suga letlalo le le ganang go letefala. Ntlo e ya ga nkgonne o e robale sentle. Re go balela matsatsi. 
50. Ngakane o ne a itumelela go nna le Thando mo ntlong ya ga Ramoepa fa lenyalo la gagwe le Kgature le sena go senyega. 
ngakane: Ke ya go tlhokomela tsotlhe tse eleng tsa ga nkgonne. Ka re, tsotlhe fela. Ke ya go nyala ntle le go ntsha dikgomo. Tota lorato la ga ausi Thando lo ntshuba jaaka setlhabi tennyana ga maikutlo. 
Typesetting by Karen Graphics 
2. Bayokerafi ya ga K.S. Naledi ............... x 
thando: (A nyeba). Wa rialo tsala! 
ntaoleng: (O koma ka tlhogo.) Mm … Ka mafoko a mangwe go raya gore ke go geletswe ke pelo, ngwanaka. 
nkeMeleng: (Ka go tenega.) Wa re a reng? Ga ke tlhaloganye! Tota o bua ka ngwana wa ga mang? 
Rasebintsolo: (A kukupologa a ntse a edimola). Hei! Ke ne ke le kgakajana. Letsapa le gana go nkgomarologa. Go batlana le dikgomo mo selokong ga se thaka ya motho. 
Ba lelapa la ga Ntaoleng mo motseng wa Tsitsing. 
senkepeng: Tsala, o tla bo o tshameka. O nyalwe ke 
Jonase: Go ntse jalo mma. Ke nna monna wa “enšorense” yo ke neng ka tlisa pego ya loso la ga Rasebintsolo. 
thando: O re go nkutlwa… 
d) Ditiragalo tse di latelanang, di siana ka lobelo gore nako e se ke ya senngwa. k.g.r. poloto e e kitlaneng 
tsholofelo: (Kwa gae o tshola bogobe). O a itse! Ke simolola go baba lebadi. Nkgonne Ngakane go sebaka a rile o ya go tlhola dikgomo. E re ke mo tsholele bogobe. O tla fitlhela bo gamogile bolelo. 
nkeMeleng: Ga go nnete e e fetang e e re bofeleleng lengoto. Mosadi fa a inama o a bo a ikantse motlokolo. Bana ke ba rona ga re ba ipateletse. 
Website: www.mml.co.za 
ngakane: Gompieno jaana, ke ile go tsibosa yole Thando ka lebaka le. Fa a ka nkgapha, ke tla mo itshokela go fitlha a ineele. 
LEFOKO LA THOTLOETSO 
39. Tshwetso ya mmui mo letsatsing le e nnile efe? 
Mponeng: Rraabo tlhe! Tlogela go ya mafatlheng le puo. Bua puophaa! Ke sebaka o tokaganya mafoko. 
thando: Nna le Senkepeng re boela Geehout Park. Lo tla ntshala morago ka le le latelang. Lo tla mphitlhela ke gorogile. Lo tle lo tlile. Go se nne gope fa lo tla tsamaisanang teng le bona. Nte re se ka ra senya nako ka go lotolotsa motlotlo. 
senkepeng: Wa rialo abuti Kgature! O tla bona o dirile jang ntle le lekgarebe? 
Mponeng: (O biletsa Thando fa thoko. A isa molomo tsebeng). A o phuthile? 
kgatuRe: Ke tla dira gore ga ke ya go boloka madi a lebentlele ke fete ke a boloke ka nako ele nngwe. 
kgatuRe: (Ka ditshegwana.) Ao, tsala! O ntsaya jang ruri? Kana ke a itse gore leina la motho le jelwa kgomo. 
thando: (Ka monyenyo). Lorato la monna yole le fisa jaaka molelo wa mafura. Ke a go leboga tsala. O motho wa botlhokwa mo botshelong jwa me. 
thando: Hei, tsala! Dinyemisa moko. Kgang e ne ya ya magoletsa. Kgetse ya tlhakatlhakana. Se se makatsang ke gore e rile pheletsong ke fa ba baakanyetsa ngwana wa bona tsela. Ba mpateletsa go ineela mo go Ngakane. 
senkepeng: Owaii! Tseo ke dinyana. O mo forogotlhe go fitlha a o lebala. E re a re thaa! Maloba e bo e le maabane. Go tla bo go ntse go lekane. 
nkgonne a sa ntse a le mo botshelong. 
Kagosešwa: Tlhabololo le tokafatso ya se se neng se le kwa morago kgotsa se le seemotlase 
Tlhabane Sun. Motho ke yo o tla lo bonang gareng ga maphatsiphatsi bosigo jotlhe. 
Babadi! Inopoleleng tse di botlhokwa matshelong a lona go sale gale. A e re pele o thubunyela mo mafureng a a bolelo o betilwe ke pelo, o ikatumetse mo go ba ba ka go tlhabang botlhale mme wa tshwana le tshoswane. La me lefoko “ Dipula tsa matla – ka – dibe di kile tsa ntsogela kgatlanong mme Morena a nkgopola ka dipula tsa matlhogonolo –ka fetsa ke atlaretse ke phutetse. Dinako tse di thata ga di bolae, di a ruta, ke botshelo mogaetsho!” 
thando: Ke iphitlhetse ke tetesela jaaka motho a 
Modimong. Ke ona o itseng masaitsiweng. 
thando: (Ka go tlalelwa). Dumela mma! Molato o fa kae mma? (O bua a gadimile rratsalaagwe). 
5. B.A Bachelor of Arts in Education: Vista University. 
nkeMeleng: Banaka, re lo biditse jaana nna le rraalona. Re lo itsise fa boitumelo bo phophoma dipelong tsa rona. Ngwetsi ya rona, re go leboga go menagane. Lesea le la lona, le tlisitse kganya lapeng la ga Bantomo. 
Mathaithai le botsotsi ke di tlhaloganya jaaka ke ikitse. O seka … (Ka go tenega). 
14. Senyaka : Tsala ya ga Ngakane kwa Moepong wa Wildebeesfontein. 
thando: Heela, tsala! A mpatla dikobo. 
tsholofelo: Abuti Ngakane, motho yo a re tswele ka ntlo. A tsamaye go ise go fifale. 
ntaoleng: A reng? Seyantlo! thando: Fela jalo rra. Fa ke bua jaana, ke letse ke fudugile mo phaposing ya me. 
Jonase: (A baya lokwalo fa thoko mo tafoleng, a bula “enfelopo” e tshetlha ka mmala) Se ke setlankana sa madi a gago go tswa go MVA. 
tsholofelo: O bua nnete, nkgonne. Le nna ke tlile go mo lemosa botlhokwa jwa kgang e. 
ntaoleng: Didimala mmaabo! Se ileng se ile, lesilo ke mo se latedi… A re digeleng kgang e, e tloga e re tsenya malwetse a dipelo. 
bantoMo: Tau e iphutha motlhala e le nosi, fa e na le malawana mafaratlhatlha. Go riana ga re itse fa re gorogile kwao re laetsweng teng. Re tla re tswa fatshe la Tlhabane e bontsi bo reng e a tlhaba. Yo ke mosadi wa me Nkemeleng. 
Mponeng: (Ka monyenyo.) Hei! Wa tla wa re gopola ruri. (Thando o gotetsa molelo) 
thando: Nnyaya. Ngakane ke ngwana mo go nna. Batho ba ka tloga ba ntsaya jang ruri? 
senkepeng: O nthaya o re nne? Ga ke dumele ditsebe tsa me. Ruri motho ga a itsewe e se naga. 
kgatuRe: Morwarre, Senkepeng! A o ke o ntswele ka nnete yotlhe fela. Mphe boteng jwa ga Thando. Kana lo ntse lo le ditsala tsa go ntshana seinong. 
setonti: Sebare, tlogela go lelefatsa kgang. A re kuke dinao go sa le gale. Keledi e tla tsamaya e rothela tseleng. Letshwamina re tla le phetsa gangwe le gape ka lentle la seatla. Go itsema go ka tloga ga re dia. 
ntaoleng: Re tsogile le fa re sa tsoga. A re bonaneng kwa ntlong banaka. (Ba tsena ka ntlo. Ba fitlhela mosadimogolo a thikga keledi). 
ngakane: (Ka go tenega.) Malome, tota ke lekgotla la eng gompieno? 
24. Mmui o reile mmuisiwa a re a buse ‘madi’ a bona; o ne a raya eng? “Ditaelo o di rukhutlhe, Dipitsa o dinwe go ya pheletsong… Aparo se sa gago o se tlotle” 
(Kwa mabitleng a Tlhabane nako ke ura ya bosupa mo mosong wa tsatsi la LaMatlhatso. Lekase le folosediwa mo phuphung pele tirelo e simololwa. Moruti o ema ka fa tlhogong ya phuphu, batho ba dikaganyeditsa phuphu). phuthego: (Sefela sa kobamelo ka bonolo thata). MoRuti isang: (O goga phuthego ka thapelo). A re: A re rapeleng lo ntshaleng morago, lo re; ´Rara wa rona, mogomotsi wa bana ba gago, re rapelela baledi ba ba mo pitlaganong e e kanakana. Ga go batlege gore re go bolelele bohutsana jwa bona. Fela re ba rapelela gore ba tshegofadiwe ke Rara wa bona wa legodimo, ba tle ba bone namatshego. Ba bone lesedi la ga Keresete ba le mo lefifing la loso. Rraarona Modimo, yo morwao o na a bapolwa, nna nabo gompieno, o ba thuse go ineela, o ba tlhomamisetse gore le fa re tshela, gongwe re swa re mo diatleng tsa gago tse di molemo. Re ntse re le bana ba Morena. Ka Jeso Keresete. Mmoloki wa rona. ` 
ntaoleng: Go a reng monna? Ke eng ke bona o itshetlhefaditse jaana? 
tsholofelo: Heelang basadi! Wa reng? E seng kgaitsadi. Ngakane o gaufi la go nyala. O iponetse yo o molekaneng. 
Mponeng: Ngwanaka, tsoga o phakela. Fa o fitlha o se umake sepe ka ga seyantlo. Wena o ba re o re o latile leruo la gago fela. 
tsholofelo: Kana ga di nke di lala. Ga twe o nyalwa ke mohumi wa kwa Tlhabane. 
tsholofelo: Nnyaya, Ausi Thando! E seng jalo.ke utlwa o mpitsa mogadibo. 
18. Fa Thando a sena go tlhalosa gore Ntaoleng o mo file leina la ngwana mo torong, o ne a sala a ntse a sa iketla. Tota o ne a tshwennga ke eng? 
Mponeng: Ba ntse jalo ngwanaka, bana ba gompieno fa ba thanya o tla utlwa a re, ke a nyala, ke a nyala. 
kgatuRe: Go malatsi a le mmalwa o sa tlhole o phuthologile mo moweng. Motshegare o bontsha o le bodutu, bosigo o tshwenngwa ke ditoro. Tota ga ke itse. Sengwe sona se teng. 
ngakane: (Ka go itlhoboga). Ke a leboga Kgaitsadi. Tota o nkeme nokeng. Ke ratile go itseela botshelo nako e ise e goroge. Ke tlile go nna sejaro … O lale sentle. (Ba tsena ka diphaposi tsa bona tsa go robala). 
tsholofelo: Heela malome Setonti le wena abuti Ngakane! Ke eng se se diragalang? 
1. Rasebintsolo a re letsapa le gana go mo kgomorologa. Ke letsapa la eng? 
thando: (O tswa ka phaposi ya go tlhapela) Nta nna mosetsana wa pheta ka pejana, ke sa le bothito jaana, ke tsose Rasebintsolo mogatsake. Kana ke ena mafura a pelo ya me. (O a mo kgotlokgotsa, a mo kgoma ka dipounama tse di bothitho). 
kgatuRe: (Ka makalo) Thando! Madi a kanakana. Ka nnete bohumi jwa rona bo ile go golela pele. 
thando: (Ka ditlhong) Ke a leboga rra. Re utlwa letsapa ruri. 
setonti: Nnyaya, tota nna ga ke itse. Gongwe setlogolo fano ene o na le kitso. 
bantlhoile: Owaii! Ga go sepe se se tshosang fano. Ke maiteko fela. Ga re eletse gore bana ba rona ba tshele jaaka rona metsing ele ya maloba. 
31. Fa a re ‘monna yole’ o raya mang? 
Mponeng: Ruri lefatshe la rona le rogilwe. Le tletse dintsanantsana. Go na le bomaratahelele ka bophara jwa lefatshe. 
Jonase: (O a emelela). Ke utlwile rra. Ke tlhaloganya thata kemo e lo leng mo go yona. E tla re lo sena go tsidifalelwa lwa ntshwara ka mogala. Salang lo robaditswe bagaetsho. (O a tswa). 
ntaoleng: Dumelang batho ba bantle ba mmala wa 
thando: (Ka ditlhong.) Mme a reng? Nala! Nnyaya ga go jalo. 
thando: Ke ne ka tlholelwa ke monnawe 
setonti: (O tsena ka ntlo.) Motho wa batho o ka thuswa ka eng? 
kgatuRe: (Ka go makala) Wa reng, Thando? O lorisiwa ke mang tota? 
bantoMo: A ke teng fa gaabo mosetsana Thando? 
ntaoleng: E le fa lo tsere motlhala wa bona kae? 
nkeMeleng: (A mo tsena mo ganong) Basadi ba kae…! Bua re utlwe raditoro o wa gago gore ke mang? 
tsholofelo: Ausi Thando, Ke ba tsositse. O se fele pelo, ke sa ntse ke ya go tlhadia metsi a mosukubyane. (O a tswa.) 
kgatuRe: Thando, mogatsaka! Diga mogopolo. Tsamaya o ye go bona rre Ntaoleng. Ke tla lo buledisa ka koloi. 
thando: (Ka go tenega). Ga gona sepe se ke ka se gadimang. Ke lebile pele. 
thando: Dumelang rra! 
3. Fa Rasebintsolo a laela kwa ga Senkepeng, Thando o mo raya a re o re gopole mo tseleng; o raya ena le mang? 
a) Matsapa di a tsaya kae? = Bogadi 
(Ke Labotlhano nako ya borobedi maitsiboa. Tsholofelo, Ngakane ba ntse go dikologa tafole ya ga Thando le Rasebintsolo). 
gabatshwane: (O palelwa ke go itshoka). Mmaloo…! 
Mponeng: O se rialo ngwanaka! (Ka lethabo). 
38. Boteng jwa ga Thando jo bo ntshitsweng mo letsatsing le ke bofe? 
thando: Bona, fa Kgature! Tseo ke dinyana mo go nna. 
ntaoleng: O nepile ngwetsi ya me. Ke batla go go laela. O nkutlwe, o nkutlwisise. 
thando: (O ba tshwara ka seatla). Dumelang bagolo! RaMoepa le 
bantlhoile: O se nyeme mooko tsala. Se go ganang se go rola morwalo Modimo yo re sa o direleng, ga o je nkabo… 
10. Tlhalosa ka botlalo gore Gabatshwane o raya jang fa a re boRamoepa ba amogela bogadi gabedi. 
thando: Nnyaya mma, e seng jalo. Ke letse ke tlhasetswe ke Ngakane. 
senkepeng: (A betsa Kgature mo legetleng a ntse a tshega). Ao, tlhe Kgature! A ga o itse gore moeng o’ naka di maripa? 
Mponeng: Dumela ngwana wa rona! Re a leboga. 
ntaoleng: Mmaabo le ngwanaka, e reng ke tlogele go ratharatha. (O a emelela ka go goletsa lebanta la kgorotlho. Ba a kgaogana). 
(Kwa ga Ntaoleng. Ke Lamatlhatso nako ya go feela mabala. Go goroga Ramoepa le Mponeng. Ba fitlhela Ntaoleng, Gabatshwane le Setonti ba ntse mo mathuding. Thando o tswetse go ba tshelela mogodungwana). 
senkepeng: E le fa go senyegile eng tsala? A kampo o sa ntse o le mo kutlobotlhokong ya ga 
gabatshwane: Thando o bua puo ya senyana mme ntswa a setse a kile a laiwa. Go boeng ga me ke tla kibela ka taelo ya badimo bagaetsho. (O a tswa). 
ntaoleng: Fa go ne go ka nna jalo, tshireletsego ya dithoto e ne tlaabo e ka nna teng. Thando ngwanaka, o a itse re a go rata. Tota ga re eletse go kgaogana le wena. O ngwana wa rona kae le kae. 
senkepeng: Kana monna yole o ikaelela go go nyala ka pele. O tlhoka mothusi mo lebentleleng. O swe senku fela, gongwe a ka se go lemoge. 
gabatshwane: Nnyaya, mma! Ga re rialo. Re neile kgarebe go ikakanya. Ga re batle go mo tsenya sesuga ganong. A ka tsoga a ipata ka rona. Tse e leng tsa nyalo tsona ga re di tsene. Ga go ope yo o tla tswang fano ka nyalo. Le go leka. 
thando: Bua fela rrabo. O bontsha o kgamilwe ke mafoko. Tota makalo ke ya eng? 
tsholofelo: O bua nnete mma. Re ka tsenwa ke matlho a batho ka bontsi. 
(Ka Lamatlhatso mo maitsiboeng. Koloi ya ga Kgature e ema fa thoko ga heke ya ga Ntaoleng. Morafe o tletse ka lelapa. Thando a se tlhole a senya sebaka a tswela kwa ntle). 
ngakane: Fa o dira jalo, o tlaabo o ntswetse molemo wa go ba itsise ka bonako. Mosetlha yo wa gago, go tloga bosigong jona, re tlile go o tlhakanela. (O bua a tsholeditse mmolopita yo montsho ka fa ntle. A gabola mothama o o tiileng). 
thando: (A mo atamela go mo atla). Motho yo ke nna. O sere go mpona ke le fa. Dikuku di monate, lenyalo le boima. 
27. Aparo se go buiwang ka sona ke ….? 
gabatshwane: (O ba gadima fela.) Thando ngwanaka, dira se o bonang se tla go tswela molemo. O se ke wa tsoga o lela. 
senkepeng: Ijo! Mang? O ne o batla gore ke nne yo o maaka. Le gona ke gore ke ne ke sa batle go sulafaletsa Thando dikakanyo tsa gagwe. Sengwe gape ke gore, o robetse le ene a sa ntse a routse. 
motho mme go twe ke monna. Tota fa teng ke a gana. 
gabatshwane: (Ka go fela pelo). O opile kgomo lonaka rra. Ga re tle go gogwa ke motswakwa ka nko mo lapeng la rona. Go ka mpa ga nkga go sa bola. Ngwetsi ke ya rona. 
ya botshelo jwa motho go tswa 
kgatuRe: (Ka letshogo). Wa reng? Mma thusa foo tlhe. 
ntaoleng: (A emelela gape). MmeMponeng, ke mojamorago jaaka o kaile. 
Jonase: Bagaetsho, nnang pelotelele go reetsa. Kwa pheletsong lo tla kgona go mpotsolotsa ka se le sa se tlhaloganyeng. 
gabatshwane: Ngakane kana o gana go ineela. Mowa wa gagwe o sotlegile e le ruri. Ga ke itse gore re ka mo gomotsa ka eng tota? 
thando: O tsamae sentle ratu. O re gopole mo tseleng ya gago. Tsela tshweu rraabo. 
thando: (O tswa ka ntlo). Bagaetsho, lo tla nkinela diatla metsing. Ke batlega kwa Rustenburg nako nngwe le nngwe mo tsatsing la gompieno. Ke patelesega go itlhaganela. 
senkepeng: O foo ke fano. Kana fa le tloga fano, lo leba 
RaMoepa: Botsogo bo teng, fa e se makoa mogatsa mmele. 
thando: Ratu, toro ya maloba e tlile gape. 
kgatuRe: Thando, mosadi wa me! Ke batla go bua puo­ phaa! 
Jeso a re: “Ke nna tsogo le botshelo, yo o dumelang mo go nna, le fa a swa, le fa go ntse jalo, o tla tshela gape, le fa e le mang yo o tshelang a ba a dumela mo go nna, ga a kitla a swela ruri gope.” 
bantoMo: Lo re go re bona fa, re mokgapeng wa go batla sego sa metsi. Monwana wa supabaloi wa morwaaka o supile lapeng le. Le ka re neela tsela e e tlhagotsweng rramogola. Re buleleng ditsela lona ba ga Ntaoleng. 
kgatuRe: Fa e le gore ga se se se tshosang ke ka itumela. 
Mponeng: Rona re tlile re tshotse bogadi jo bo tswang Tlhabane, teng kwa Thando a bonweng teng. Ga se rona re mo inyalelang. 
thando: Se tshwenyege tlhe ratu! Malatsi a sa ntse a le kgakajana. Ke tla dira fela mo go ntekaneng. 
