Go ya ka wena moruti Nteso e ne e le motho wa semelo se se ntseng jang? A go sengwe se o ka se tshwayang se o ka se dirisang go tlhalosa tshobotsi ya moruti Nteso? Kwa ntle ga sefane Nteso, moruti o ne a na le leina le lengwe le fa le ne le tshogane le dirisitswe, a o santse o le gakologelwa? Le neele. Go ne go le seletswa sa mmino se moruti a neng a le setswerere mo go sone. Se bolele. Go nnile le nako e moruti a neng a iphitlhela a latofatsa Modimo wa gagwe. A o santse o gakologelwa gore go ne go rileng? Tlhalosa. Go ne go le dilo di le mmalwa tse moruti Nteso a neng a sa di rate sentle ka mogatse. Ke eng se o gakologelwang a ne a tle a mo kgale thata ka sone? Go a itsege gore moruti Nteso e ne e le molwetse yo o lwalang a tsamaya. Kana o ne a lwala malwetse afe? A o santse o gakologelwa dikopelo tse moruti Nteso a neng a di tshameka ka seletswa sa gagwe mo letsatsing la gagwe la bofelo? Ke dife? Fa o sutisetsa bomankge jwa gago kwa thoko mme o bua maikutlo a gago, o ka re moruti Nteso o bolailwe ke eng tota? 
 
O ne a bua a setse a kgotlha setlhako ka poifo ya gore Fatima o tloga a mo gakolola gore ga a di bua tsotlhe. Fatima a ikela gae, tlhaloganyo ya gagwe e faraferwe ke dipotsopotso. Pelafalo ene a tsamaya a balabala ka pelo ka a batlile a ntshitse mosi ka sekhurumelo gore nkoko wa mokapelo wa gagwe o a loa. MmaPelafalo, mosadi wa pheta ka pejana, o ne a di gatile, a di gatile gore mogatse a itatswe menwana phetelela. “O tota o di gatile ngwetsi ya ga rre, ke a bona gore dikgomo tsa Batshweneng ga di a tswela lefela.” Ba ne ba le mo bogareng jwa dilalelo fa MmaPelafalo a re: “Ruri mosimanyana yo ga ke itse gore o tsenwe ke eng.” “O raya mosimanyana ofe?” “Pelafalo wa gago kgotsa wena o bona e le mosimanyana ofe gape yo nka ngongoregang ka ene?” “Pelafalo wa bo a dirile eng jaanong?” “O a ntena, o ntsenya bosula e bile o ntsenya le matlho a batho.” RraPelafalo a boeletsa potso ya gagwe ya kgantele: “Pelafalo o dirile eng?” “Mosimanyana yo ga a supe maikarabelo ape, ga a itshupe jaaka ngwana wa batho ba itsholetse, ga a itshole jaaka kwana ya nku e e leleme le letala.” “Pelafalo o dirile eng?” 
Ke go jetse eng? Ke tlolomolao go gatisa le fa e le nngwe ya ditsebe go tswa mo bukeng e ntle le tetla ya bagatisi ba yona. 
“Somamabedinngwe.” “Ke mang yole yo o tshwanang le mmaago, yo o neng a ba a ipitsa pele a go neela senotlolwana?” “Senotlolwana?” 
Ga go bonnete jo bo feletseng jwa gore moruti o ne a tlala lefufa ka phoso kgotsa Mmamoruti e ne e le mme yo o tlhokang boikanyego mo lenyalong la gagwe. Fela se se mo pepeneneng ke gore moruti o fitlhetse setshwantsho sa modiragatsadifilimi mo go mogatse. Wena o ka reng ka ntlha e? Go ya ka wena, a Mmamoruti o ne a dumela gore mosadimogolo Boingotlo o a loa kgotsa e ne e le thumulano fela? Tshwaela. Fa o arabile ka nnyaa mo potsong e e fa godimo gone neelana ka sesupo se le sosi fela sa gore o ne a sa dumele. A o ka kgona go etsisa Mmamoruti fa a bitsa mosimane wa gagwe ka go mo reta? Direla phaposi ya gago jalo. O akanya eng ka batsadi ba ba retang bana ba bona ka mokgwa o o jalo? A go bonolo go ka tlhalosa semelo sa mosadimogolo Boingotlo ntle le mathata? Fa o re Ee, simolola o dire jalo. Go latela maikutlo a mosadimogolo Boingotlo a go latofadiwa ka go loa go nnile le thuso mo go ene. Kana o rile ke efe, e neele fela jaaka a e buile. Mo lelapeng la ga mosadimogolo Boingotlo go ne go le mongwe yo o neng a le botlhokwa thata le fa go ntse jalo ga go mo a tlhagelelang a bidiwa ka leina. A o ka mo bolela? 
Ga go a nna le ope yo o rileng sepe mo go yo mongwe pele ba kgogogelana jaaka dipheleu ba bo ba rathana ka ditlhogo jaaka tsone. Ba rathana gore ba digelane mo diretseng tsa pula ya bosigo jwa maabane. Ba emelela ka dinao, ba kgogogelana gape, ba kampana ka dikgara, ba tlhokisana sebaka, ba thubana ka mabole, ba bontshana dinaledi. Ba ne ba sa tlhole ba lwa ka setu. Ba ne ba kgwa botšarara ka magano a mmopi wa bone a ba a neetseng pele a itse gore ba tla a dirisa jalo. Moruti wa Fora o ne a ba a ikaba ditsebe ka menwana. Motho yo o boneng sengwe le sengwe a ba a utlwa sengwe le sengwe e ne e le Tsika. Tsika e ne e le yo mongwe jaana yo o sepirigwana, yo o difai e kete o ne a itlhabegile jaaka a ne a tlhaga kwa maitisong a banna kwa ga Mashaba. Tsika o ne a itumelela se a se bonang e bile a itse le go se tshwantshisa sentle. O ne a tshega a ba a ragaraga ka lonao pele a goa banna ba dithekesi tse di rwalelang batho kwa Otontala: “Heela banna ba gaetsho, lo a fetwa! ‘Ntwa ya Sumo e a lo feta. Fano gone Majapane a itapisa... khwakhwakhwakhwakhwa...” Banna ba dithekisi ba fitlhela ba setse ba kgagolane mesese, ba kgokolosane mo diretseng jaaka dikolobe. Batho ka bontsi ba simolola go ikatametsa. Monna mongwe wa dithekesi, wa sefane se se simololang ka ‘X’ yo ba neng ba rata go mmitsa ‘Rre X’, a ntsha sampoko mme a re o ba palama godimo ka sona. Ba bangwe ba mo thiba ba re: “Nnyaa ‘Rre X’ ga go dirwe jalo. O ka tshogane wena wa iphitlhela o bonyabonya ka fa morago ga ditshipi tsa kgolegelo, melao ya gompieno Rra, e tlhaloganngwa thata ke bona basadi.” ‘Rre X’ yo a neng a ntse a lekegile ke tse a di bonang a re: “Ke tla ba tshela ka kubu e. Ba ipatlela sampoko fela, le mageseterata tota o tla ntlhaloganya. Ba bontsha bana ba rona metlholo?” 
“Goreng o mpotsa?” “Ke gore mmaagwe nna ke yo mongwe wa ba ba latofatsang mosadimogolo ka boloi, mme o mina ka nko e le yosi gore ga a rate kgolagano ya me le Fatima e bile o ikaelela go e khutlisa khutli! A re a ka se ntetle ke ithabuetsa mo tamong a ntse a ntebile.” 
“Mogatsaka”, ga bua moruti yo o seriti, yo o dinko di sephaphathi, le fa mo sebakeng se o ne o ka tshoga o di tshwantshanya le tšhemele ya setofo ka ntata ya mosi wa kwadi o o neng o tswa o pitlagane. 
Ga go ope yo o neng a ka tlhaloganya gore moruti o ne a raya jang, gongwe o ne a boifisa fela. Kana e ne e le molao wa ngaka gore moruti a itlhabe ka nnelete ya molemo go laola botlhoko jwa sukiri. Motsing ba tlhoboganeng e bile mogatse a tsamaile ka bodipa, moruti o rile ka re ‘nnalete-nnalete’ ntlo yotlhe ya mmotsa ‘a o ne o mpeile nnalete’. Ga go itsege sentle gore a matlho a moruti a ne a foufaditswe ke kgalefo kgotsa kutlobotlhoko. A kgotsa mmamoruti o ne a e fitlhile kgakala ka bomo kgotsa ka gongwe a e tsere mo go ene go e latlhela kgakala fela ka go lomeletsa. Pelo ya moruti ya rutlega, ntekwane e rutlega ka letsatsi le e sa tshwanelang go rutlega ka lone. O ne a phuruphutsa le go furutlholola gotlhe go fitlha a tshwara le tse a sa tshwanelang go di tshwara, a bona le tse a sa tshwanelang go di bona. Mo phurutlhololong ya gagwe, a fitlhela setshwantsho sa modiragatsi wa difilimi, mongwe yo o itsegeng thata wa kwa Gauteng. E ne e le setshwantsho sa modiragatsi wa difilimi yo le wena mmadi o mo itseng thata ka gore o tlhola a diragaditse mo terameng ya...., naare leina la yona le nkgakelang ge, ke le fela fa, le gale le tla boa kgantele. Moruti a simolola go tlala dipelaelo pelo ya rutlega thata. O ne a simolola go belaela gore ka gongwe kgannyana eno ya go ya go bona mosetsana ke seipato fela, yo tota a yang go bonwa ke ene modiragatsi wa difilimi yoo. O ne a simolola go e akanya mo setshwantshong sa semowa, mogatse a setse a le kwa hoteleng nngwe ya dinaledi di le tlhano, a itumetse a le mo diatleng tse di bothitho tsa monna yoo. Pelo ya ipoa kgatsu, ya rutlega gape, ya rutlega ka letsatsi le e sa tshwanelang go rutlega ka lona. Nteso a simolola go balabala, a ipotsa gore ba tla lebana jang le mogatse motsing a boang. A ipotsa gore tota ba tla lebana jang mo matlhong. A ipotsa gore o tla mo tsaya jang. Se se botlhoko thata mo go ene ya nna kitso ya gore kana pelaelo e e tlhokang bosupi ga e kgone go ka emelela kgotla efe kgotsa efe. O ne a itatlhela mo bolaong ka kutlobotlhoko, a robala jwa bosigo ’tsatsi le penne. E rile a thanya, sa ntlha se a neng a se tlhokomela ya nna tshupanako ya lebota e e neng e bega ura ya bongwe mo motshegareng. O ne a bulela seyalemowa go reetsa dikgang tsa ura eo. Tlhogo ya moruti ya lela ditshipi jaaka a utlwa mogasi wa dikgang a bua Setswana se se tlhololo, puo e e sa pekanngwang le sepe a re: Rramelemo yo o itsegeng thata wa kwa Thabantsho o leletswe ke ditshipi moso wa gompieno ka ntlha ya go ipagololela mogodu...” Pelo ya rutlega gape mme moruti a wela fa fatshe jaaka kgetse ya mmopo. E rile a itharabologelwa, ke fa mogasi yo o diatla di phepa a setse a phuthaphuthile a iketse gae. O ne a khubama fa fatshe ka mangole mme a simolola go rapela dithapelo tse le ene a simololang go di utlwa fa e sa le e nna ena. O ne a rapelela go utlwa go twe Rramelemo yo o dirileng tiro e e tlhabisang ditlhong e, e nne motho mongwe fela mme e seng morwae. Morago ga dithapelo tse, a sutlhamana ka setu mo sofeng, a lebelela fela mo sebakabakeng, a balabala ka pelo, yone e e koafetseng e. O ne a leka go batla se se kgontshitseng morwae go itshwara bosutlha jalo. A leka go gakologelwa motsi yo a kileng a tlhagafala mme a fitlhela e le ga gagwe fela mo dingwageng di ka nna somamabedinne tse a di tshedileng. E ne e le motsing oo moruti a neng a ganela go mo adima sejanaga go ya menateng le ditsala tsa gagwe. Moruti o ne a kile a mo naya teko ya gore pele a ka mo adima sejanaga, a buise Beibele a bo a e fetse mme e re morago a beole meriri e e tshabegang e a neng a na le yona. 
Lakabane Nteso, maitibolo a moruti e ne e le Rramelemo yo o feletseng mme a sa tswa go iponna tiro moo a neng a hirile lebenkele la melemo, kana ke raya khemisi e bolelwang kwa mafaratlhatlheng a Ratlou kwa Thabantsho. Go ne go le Mosupologo fa mogala o lela kwa ga mosadimogolo Boingotlo mme wa fetolwa ke Fatima. Lakabane o ne a kopa go bilediwa mmaagwe mme Fatima a kgabaganya mmila go ya kwa ga moruti. Mmamoruti a tlhaga a khobakhoba fa a utlwa gore ke morwae mo mogaleng, a fetela kwa kamoreng ya mosadimogolo ka gore ke kwa mogala o leng teng. Ka go kokoroga ga setuki le mebala yotlhe e e gone mo lefatsheng, a atlanya mogala le tsebe pele a re:”Lakabaaan-Lakabaaan, Lakaban-lakbi-lakab-noga tsa meeetsi!” A nna metsotso e ka nna lesome mo bolaong jwa mosadimogolo wa moloi, a sosologile, a repile, a thakgaletse, a le kwa ga mothakga go se letsapa le mo fisang pelo. Morago ga dikgang tse o ka reng di ne di jesa monate, a leboga mme a boela gae. Tsa mothale o di ne di ka feta fela go sa twe sepe mo mothong mongwe fela, mme e seng mo go Boingotlo wa ponto le šeleng. Fatima le kgaitsadie ba batla ba somoga mowa ka ntata ya setshego fa ba bona nkokoabona a nna mo bolaong, a tsholetsa mogala, a o tsholetsa a sa tobetsa palo epe pele a re: “Lakabaniii dilakalakabiii, dinoga tsa metsiii.” Morago ga foo, a tshega thata a le nosi pele a re “Motho wa teng o ntse o sosologile, o ikatladitse mo bolaong jwa mosadimogolo wa moloi. Gongwe ga a itse le gore ke a itse gore ke mongwe wa ba ba dumedisang ka go loa ga me. Go a gakgamatsa gore ga ba lemoge gore bokeresete jwa bona bo simolola fa kae le go khutla fa kae fa go setse go ntse jaana.” Pula a kgaritlhelela setshego sa gagwe ka potso: “Tota fa go twe motho ke Mmamoruti yo o tlotlegang; mme a nwetse mo ditshebong tsa motse ka mmele otlhe jaana, ga twe rona ba ba ditumelonyana di reketlang re tshabale kae tota?” 
Mo tshimologong ya ngwaga, Pelafalo e ne e le mongwe wa baithuti ba ba neng ba semeletse go ipaakanyetsa go ya sekolong. O ne a ya go ithutela bobueledi-semolao kwa yunibesithing ya Vista kwa Gauteng. Tsa kwa pele e ne e se mathata ka gonne go ne go le lekolwane le le neng le bidiwa Bonolo le a neng a le itse. Bonolo o ne a le mo ngwageng wa bobedi kgotsa wa boraro wa dithuto tsa gagwe, mme ka bonno a hirile phaposi e e ka kwa morago mo segotlong sa lelapa la ga rre Mphahlele kwa motseng wa Pimville. Go utlwala gore mo ngwageng o o sa tswang go feta, Bonolo o ne a tlhakanetse phaposi e le ntsalaagwe. Ntsalaagwe o ne a setse a weditse dithuto tsa gagwe mme Bonolo o ne a itsise Pelafalo ka ga phaposi eno gore ba tle ba e nne mmogo. Bonolo o ne a tswa mo lelapeng le le dikobo-dikhutshwane ke jaaka a ne a batla motho yo o ka nnang nae ka go tlhakanela dilo gore ba thusane ditshenyegelo. Pelafalo o ne a felegediwa ke rraagwe ka koloi e e rweleng dithoto ka gonne Bonolo o ne a mo thadiseditse ka botlalo gore phaposi e na le eng mme e tlhoka eng. Ntlo ya ga Rre Mphahlele e ne e le ya diphaposi di le thataro, monnamogolo Mphahlele a nna le mosadimogolo wa gagwe ba le babedi fela ka gonne bana ba ne ba setse ba godile mme mongwe le mongwe a nna kwa ga gagwe ka katlego. Ka kwa morago go ne go le ntlwana ya diphaposi di le pedi, e nngwe e ne e hirilwe ke Rre Shai fa e nngwe e le yona ya bona. Pelafalo o ne a ya go begwa kwa ntlokgolo pele a fetisediwa kwa phaposing. Rre le mme Mphahlele ba ne ba mo itumelela thata ka a ne a lebega e le mosimanyana yo o maitsholo. Ba ne ba kgatlhwa thata le ke maikarabelo a ba a supeditsweng ke rraagwe ka go mo lere ka namana. Ka matlho Pelafalo o ne a bona e kete phaposi e e kgolonyana go gaisa ka moo a neng a akanya ka teng. Ka mo teng go ne go le tafole ya logong le ditulo tsa yona di le pedi. Modiro wa tafole le ditulo tsa teng o ne o ka re wa tsele tsa barutabana ba maloba kwa dikolong. Le fa go ntse jalo, ga go ope yo o kileng a itshwenya go tlhotlhomisa gore di sutlhile jang gore di feletse di tsurame kwa ga Mphahlele ka pabalesego. Kana ga se Mphahlele fela, mongwe le mongwe o a itse gore e setse e le selo-modiro. Fa sekhutlwaneng sele go ne go le lebokosonyana le le betlilweng go dira sekamabeelo a diaparo. Sekaraka le sone se ne se le gone go baya poraemasetofo. Bolao jona e ne e le jo bo betletsweng go robala motho a le mongwe mme ka ntata ya mathata, Bonolo le ntsalagwe ba ne ba ipitlaganya mo go bona ngwaga otlhe. Mapainyana a mabedi a a mo bolaong, e rile go tlhakana le a le mane a a tlang a rwelwe ke Pelafalo, ga nna mo pepeneneng gore monongwaga gone Seetebosigo o tsile go ipotsa dipotso. Fa rraagwe Pelafalo a sena go lekola phaposi a re: “Ke botshelo jwa bokgope jo, le gale ke ka moo monna a simololang botshelo ka teng. Fa ngwana a tlhoafaletse selo se se botlhokwa jaaka thuto, gone o tshwanetse go lebala gotlhelele ka ga manobonobo a o a tlogelang kwa morago.” E ne e le mafelo a kgwedi mme jaaka gale, morwadie Boingotlo a le gone mo gae. Jaaka gale, o ne a tshotse mapenenyana go tla go jesa mamphorwana a gagwe. Fatima o ne a rongwa kwa toropong go ya go reka sele le sele. O ne a sena go tswa, mo mmarakeng mme a rwelerwele merogo fa a utlwa lentswe le le tswang ka kutlobotlhoko le re: 
“Kae koo, ga nkitla! Fa nka ngongoregela gore batho ba reng ke gone fa ke tla sulafalelwa ke botshelo. Ke bona go le botoka gore ke itshelele monate ka kagiso, ke inonele mme go ote bona ba ba tshwenyegang ka nna. 
Ke a mo tlhoboga ka gore nna ke ngwana wa mohumanegi e bile ga ke a rutega, se ke se ganang fela, ke gore ke ngwana wa moloi, mohumanegi ee, moloi ene le goka, foo gone ke gana nang ya banyana.” O ne a bua, jalo ka matlho a binabinang. A siana ka lebelo a ntse a rwelerwele merogo ele. Fatima a fitlha kwa gae merogo e le metala ka ntata ya mebala ya yone ya tlhago mme matlho one a le mahibidu, a ntse a re hibii ka ntata ya selelo. Mmaagwe le nkokoaagwe ba mo kgogogela ka potso e le yosi ka nako e le nngwe: “Molato ke eng mosadi?” “Ga go sepe.” Bomme ba babedi ba, ba ne ba na le maitemogelo a botshelo thata gore ba ka tsiediwa bonolo jalo. A tsena ka fa phaposing ya gagwe ya go robala ba ntse ba mo tlhomile matlho mme ba re: “Bua mosadi, bua! O jewa ke eng?” “Bagolo ba me ga se sepe, ke puo e e tlwaelegileng ya gore ke ngwana wa moloi.” “A go ntswe go gaketswe go twe mmê ke moloi?” Go botsa mmaagwe ka kgalefo.“ Ee, go gaketswe thata fela, gompieno ke mmaagwe Pelafalo, lekau la me le ke le ratang ka pelo yotlhe ya me, mmê yo ke ntseng ke iphora ke re ‘tsatsi lengwe ke tla bidiwa ngwetsi ya gagwe; o mpoleletse mo matlhong gompieno gore ke tla nna yone mo ditorong fela.” “Ngwanaka ke lemoga maikutlo a gago mabapi le mosimanyana yoo fela se ke se itseng ke gore fa mosadi a sa go batle mo lelapeng la gagwe, gone o tla tsena a sule kgotsa go sule wena. Se sengwe ke gore o santse o le monnye Fatimanyana wa me, o santse o ka iponna... Se se monate ke gore re ne re ise re ba jele dikgomo, ga re a ba jela sepe.” 
“Ke letile Lerato go tla go ntsaya a nkisa kwa ga malomaagwe kwa ke yang go nna teng.” “Moleta ngwedi o leta lefifi mfana, mono ke Soweto, thipa ya mono ga e a kopelwa jaaka ya kwa gae, o ka lala o paraletse jaana ka moso, wa tsoga o lepeleditswe mo bothaleng jaaka segwapa sa ‘laksmane’, a re ye gae monna, ga go na Lerato wa sepe yo o tlang go go tsaya ka nako e.” Dikhambadoni le Vakele ba itaya sefololetse jaaka tlhobolo ya boijane. Le gale ba isa maaka kwa go Lerato ba re: “Re mmolaile, re mo tlhabakakile ra ba ra latlhela setopo sa gagwe ka kwa molapong.” Lerato a ba dumela, le gale a sa ba duele ka gore a ba dumela, o ne a ba duela ka gore a ba boifa mme a sa rate go tsena mo ngangisanong epe le bona. E rile mmaagwe a letsa mogala ka ura ya borobedi go utlwa ‘maemo a bosa’, a bolelelwa fa legotlo le falotse mo seraing. “Ke a ikana ke ne ke ka se mo fose, o tshwanelwa ke go swa. Ka rre a ntsetse, leina la me ke Portia Nteso.” O ne a bua a le kgakala le metlae, a menne phatla mme a feleletsa ka a a reng: “Botshelo ke ntwa, ipusolosetso ya me ke tla e bona, gape le bokeresetenyana jono, motho yo ke neng ke leka go mo kgotsofatsa ka jona. Ga a sa tlhole a le gone, ke santse ke ya kae ka bona? 
MmaPelafalo a tenega e le tota, a tšhakgala, a emelela ka dinao pele a ka re: “Mosimanyana yo o a ntena, ga a tlhabiwe ke ditlhong go tsamaya motshegare otlhe a kologane le ngwana wa molala, modidi wa nta e e motôpo, kana ke raya ngwana wa moloi.” 
Moruti o ne a santse a nnetse go balabala jalo ka pelo fa mongwe a tsena ka mojako le go konyakonya a sa konyakonya. E rile a tsholetsa matlho, a fitlhela e le mongwe fela wa botsheganaingate ba mo mmileng ba a sa itseng le maina a bone. O ne a tsena a fegelwa ka ntlha ya go bo a tlile a bolailwe ke lobelo. “Rre Moruti, nkoko fale o a go bitsa, a re o tle ka bonakonako, o batliwa ke mogala.” “Se rialo mosimanyana towe, tlhang o a ntshosa!” Moruti a ikutlwa a thathasela mmele otlhe, mangole a gana nang ya banyana go mo rwala. A tsamaya a apaapa jalo a itshwareletse ka magora a mathale go fitlha a tsena kwa ga mosadimogolo a tlhakatlhakane moo a neng a sa utlwe le yo o boditseng potso a re: “Go riana le moruti wa lona o ntse a itshiela?” 
Fatima o kaile fa mogatse a kile a mo leofela fela ga go bonolo gore o mo leofetse ka go dira eng. Batlisia mme o re neele karabo. A o santse o gakologelwa gore ke eng se Fatima Govendor a neng a se lebala mo seatleng sa ga Fatima? A o ka kgona go tlhalosa semelo sa monnamogolo Mphahlele? Go utlwala gore go ne go le dithoto dingwe kwa ga Mphahlele tse di neng di bonala ka molebo wa tsone fela gore tota ke tsa sekolo fela, wena maikutlo a gago ke afe tebang le tlwaelo e? Rre Shai o ne a tlela makolwane a gaetsho e bong Bonolo le Pelafalo ka sentswelakae. O ne a ba direla eng? Kana rre le mme Shai ba ne ba fudugela kae? Ga twe rraagwe Pula o kile a tshamekela setlhopha sa kgwele ya dinao se se neng se bidiwa Pimville United Brothers, a o setse o kile wa se utlwela kgotsa ke boitlhamedi jwa mokwadi fela, Tlhalosa ntlhakemo ya gago? Pula wa batho o sale a ema mo tseleng ya segotlo sa Yunibesithi go tloga ka ura ya sethoboloko, lotlatlana le ne la ba la tshwara a ntse a eme foo. Fa e ka bo e ne e le wena o ne o tla ikutlwa jang? Go ya ka wena, fa Bonolo a ka bo a sa tlhagelela go ka bo go diragetse eng ka Pula? O ka re go leina lengwe la motshameki wa Orlando Pirates yo mokwadi a batlileng a mmitsa ka lona fela a titse go le dirisa. Go ya ka wena: 
E phasaladitswe lekgetlo la ntlha ka 2007. E rulagantswe ke Mpho Tserema Mothalo wa buka MML Design Studio Mothalo wa bokwantle ka MML Design Studio le Future Pre-Press Botaki ba bokwantle ka John Smyth Thulaganyo ya mokwalo ka Karen Graphics E gatisitswe ke 
Pelafalo a didimala sebakanyana pele a re: “Bagolo ba rona le bone ba na le go latlhisiwa setepe sa pina ke tlwaelo e ya go latlha setso sa rona, ba kgomarele dilo ba sa di itse, ba ikgomareditse ditso tsa basweu tse ba sa itseng le gore di tlhaga di tswa kae le di ya kae.” 
Fatima o ne a tlhaloganya sentle gore fa mosadi a sa go batle mo legaeng lwa gagwe, ga go sepe se o ka se dirang. O ne a rata Pelafalo ka pelo yotlhe ya gagwe, mme a fekeediwa ke letlhoo la ga MmaPelafalo. O ne a loga leano la go arogana le Pelafalo kwa ntle ga go latlhegelwa ke seriti sa gagwe. E ne e le mo maabanyaneng fa mogala o kgatinya mme o fetolwa ke Fatima ka namana. Moletsi e ne e le Pelafalo yo o neng a re: “Fatima moratiwa...” O ne a tsenwa ganong ka mafoko a a reng: “Pelafalo, ke solofela e le la bofelo o mpitsa jalo.” “Go diragetse eng?” “Ke iponetse lekau le ke le ratang ke sa le ipateletse jaaka ke ne ke go ipateletsa.” Mabela a modipa a utlwa botlhoko moo a neng a ikgomotsa ka go re: “Ke a go leboga ngwana wa mohumanegi towe, tota ke ntse ke sa itse gore nka go itlhotlhora jang. Ga ke bolo go lemoga gore ga o a ntshwanela, ke ntse ke thibelwa fela ke ditlhong tsa go go swabisa. Le nna ke setse ke iponetse motho wa maemo ame ka kwano Gauteng, selo sa go katoga monyo, motho wa go ka tsalela ‘sika la gaetsho kgosi...” O ne a tswelela jalo go tlhalosa selo seo sa gagwe a sa tlhokomele gore ke bogologolo mogala o beilwe fa fatshe ka kwa porofenseng e nngwe. Se se neng se mo latlhisa tlhogo le go feta ke go itse gore selo seo sa gagwe ga se sa nnete fa e se gone fela go ikoketsa marago ka matlapa. 
O ne a fetsa le maikutlo a gagwe gore a mmolelele nnete fela go ye kwa go yang. Motlholo ke gore Fatima o ne a dumela, Laboraro ba mmona a tsena. Go tloga ka motsotso o a tseneng ka one, Pelafalo a mo supetsa gore ga se motho wa sepe. O ne a mo dirisa ditiro tsa ntlo jaaka lekgoba, legano le lone le sa salela kwa morago. O ne a mo kgobotletsa ka mafoko a a sa jeseng monate le e seng, bogolosegolo mo ditsebeng tsa ga kgaitsadie, o ne a mmitsakaka ka mainaina a go seng ope yo o feletseng mo tlhaloganyong a ka a kwalang. Dingwe tsa dilo tse a neng a di mo raya mogaetsho le wena o ka palelwa ke go di kwala, ga se nna fela. Fatima wa batho  ne a itshoketse sengwe le sengwe, o ne a tla re eng? Ba ne ba tla re eng. Pelafalo o ne a ba ruile, a ba ruile le ena Bonolonyana wa teng. Mo bosigong, Fatima a robala mo bolaong mme Bonolo ene a robala fa fatshe e le taolo ya ga kgosikgolo, Pelafalo. 
“Go ne ga go a siamela badumedi. Ga o a tshwanela go tsamaya o sela matlakala gotlhe fela fa o tsamayang teng mme o feta a ntsha boammaaruri. Nna ke tsaya gore ke tshebi fela, e ka bo e le lefufa fela, kana batho...” “Le fa a le jalo, o na le eng se se botoka se se ka dirang gore batho ba mo fufegele?” 
O ne a ntse a tlhatlhela kwadi ya gagwe, mamoruti ene a ntse mo sofeng e e lebaganeng le ya mogatse. Mo diatleng o ne a le dimao di le pedi tse di neng di tshameka ka manontlhotlho le botswerere jo bo sa ipatelediweng jaaka di ne di tshameka ka boboa jwa nku jo bo neng bo bonala sentle gore mo sebakeng se se sa fediseng pelo e tla bo e le jeresi e mongwe a ka e tsenyang mo mmeleng. 
Mafelo a beke a ne a le monate tota. Pelafalo a repile mo diatleng tse di bolelo tsa ga Lorato wa gagwe fa selulafounu e lela, e kgatinya molodi go sa le phakela wa ura ya bone. “Ke mang mo bosigong jo bokanakana?” “Ke nna Fatima, ke ne ke botsa, fela gore a o ntse o tsoga?” “Ke mo diatleng tsa Lerato la me. A o a belaela?” 
Pula o ne a tlhaloseditswe sentle gore Lerato o tla tla go mo tsaya ka ura ya sethoboloko. Fa Pula a goroga, nako e ne le ura ya somenngwe e bile a setse a fela pelo gore ura ya sethoboloko e tla fitlha leng a tle a isiwe kwa legaeng la gagwe le le ntšhwa. Ura ya sethoboloko ya feta, tsela ya nna ya re o ne o mpeile motho, a gololoditse molala mme a se ke a bona sepe. Ka ura ya borataro jaanong, ngwana wa batho o ne a ise a latlhegelwe ke tsholofelo. O ne a ikaketsa a re Lerato o diilwe ke se kgotsa sele. Portia o ne a tsamaela kwa mogaleng go leletsa morwadie: “A batho ba gago ba setse ba le gone, gone a ke basimanyana ba ke ba itseng?” “Tsotlhe di sa ntse di tsamaya ka thelelo mma, re letile fela gore go fifale sentle, ‘kana ‘sepa la bosigo ga le na mong, mathaka ao one ga ke gopole o ba itse, le gale nna ke a ba ikanya. Ke Dikhambadoni le Vakele, ba kopile makgolo a le robedi fela. Mo sebakeng seno ke mo okometse ka letlhabaphefo, o ntse a leba kwa le kwa jaaka motimedi wa nnete”. “O ba tlhalosetse gore ke mmatla a le matsatsankotsanko, ba mo dire mpaola, setopo sa gagwe ba bo ba se tsole le ditswalo, ke batla e nne se se tlhabisang ditlhong tota. Ga se nna ke tla jelwang monna ke baloi ka bo ke phutha diatla ke ntse ke re ‘hee-hee Modimo o tla ba bona hee-hee, nna ga ke a belegwa maabane”. Nako e ne e setse e le nngwe-nneng ya ura pele ga ura ya bosupa, mme ngwana wa batho, a ise a time lebone la tsholofelo. O ne a leka go ala matlho ka motse wa Pimville, a gakologelwa kgang e rraabo a kileng a e ba lotlegela ba santse ba le bannye, a ba raya a re o kile a bo a tshameka kgwele ya dinao, a tshamekela setlhopha sa maemo a Liga e e kwa godimo mme se bidiwa ‘Pimville United Brothers’. Ka pelo e e elelang kgodu e khibidu, a ithoga, a itatofatsa a itatofaletsa boeleele jwa go tloga a sa tshwarelela maina a borre ba ba kileng ba bo e le batshamekammogo le rraagwe. O ne a akanya gore ka gongwe fa a ne a kabo a tshwareletse le fa le le lengwe fela mo maineng ao, o ne a tla ipatlisa kwa ga rre yoo, a fete a itlhalose gore ke morwa mang le go ba lotlegela ka tlalelo e a leng mo go yona. O ne a akanya gore gongwe rre yoo o ne a ka mo utlwela botlhoko ka e ne e le tsala ya ga rraagwe. Kae koo, maikwatlhao, namane ya morago ka gale. Morago ga metsotso e ka nna metlhano a ntse a balabala ka pelo jalo, a itewa ke ditshikare, a sosobana meriri, segakolodi sa gagwe sa mo ruta gore go mongwe yo o mo atamelang. A gadima kwa morago mme a mmona, e le monna wa sekhipa se sesweu, a rapela thapelo e e bonakonako, a ikopela botshelo mo mmoping. Wa sekhipa se sesweu a botsa: “Pula, monna molato ke eng fa…” Pula a tlola pele a botsa: “Bra Soft, motho yo ke wena?” “Ee, ke nna mfana, o bewa ke eng fa le gone ka nako e?” Ke go bone kgantele ke le mo thekising mme ka ithaya ka re o letile mongwe, jaanong fa ke tswa mo lebenkeleng ke go bona o ntse o tlhamaletse jaaka sefikantswe, o letile mang monna?” 
Diteko tsa morago ga loso tsa dirwa mme dipholo tsa tlhalosa gore moruti o bolailwe ke koafalo ya pelo morago ga go utlwa dikgang tse di sa jeseng monate. Go tlhola a sa itlhaba ka nnalete le gone ga lejwa ka leitlho le le ntšhotšho la baitseanape. Mo go boeng ga gagwe, Mmamoruti a fitlhela ntlo ya gagwe e le tlhakantsuke fela e a neng a sa e solofela. A tlhakana tlhogo ka gonne a tlhalosetswa ke batho ka se se diragaletseng mogatse, ene a se teng mo lelapeng. Ya nna gona a lemogang gore o tlhoka Nteso go le kae mo botshelong jwa gagwe, gape ya nna gone a tlhaloganyang gore monna wa gagwe o ne a raya jang fa a ne a re: “O tla fitlhela ke fudugile, o tla fitlhela ke sa tlhole ke nna fa.” Pelo ya gagwe ya batla e ema go se nene. Selo sa ntlha se se neng sa kgabola mo kakanyong ya gagwe e nnile go loa ga ga mosadimogolo Boingotlo. O ne a fetsa mogopolo ka gore mosadimogolo Boingotlo o mo jetse monna mme maikutlo a ipusolosetso a bo a simolola go iponna legae mo pelong ya gagwe. Mmamoruti e ne e le mongwe wa batho ba ba kileng ba nna le lesego la go buisa buka ya mokwadi yo o tumileng thata yo o neng a bidiwa ‘James Hardley Chase’ mme buka yone e bidiwa ‘Double Funeral.’ O ne a gakologelwa mafoko a mongwe wa baanelwa yo o neng a bua a re: “Re tla kopanela phitlho ya bobedi mmogo.” O ne a ikana ka badimo ba gagwe ba a neng a latlhegetswe ke palo ya bone a kopa gore yo o mo jetseng monna ene, ba apare le ena kobo e le nngwe. O ne ikana gore yo o bolaileng monna wa gagwe le ene mo sebakeng se se sa reng sepe, o tla bo a apeile mogoga. Mo kakanyong ya gagwe, go ne go se ope yo o lebanweng ke go apaya mogoga fa e se mosadimogolo Boingotlo. 
Go ya ka tshedimosetso e o e boneng fa o ntse o buisa, kgwele ya dinao e ne e tsamaisiwa jang mo nageng ya rona ka nako ya tlhaolele? Go ya ka wena, a ke boammaaruri gore go kile ga bo go na le SA Black X1 kgotsa ke boitlhamedi jwa mokwadi fela? A o ka kgona go tlhalosa setlhopha sa Pimville United Brothers ka botlalo? 
Kgwanyape ya kgakgauthano ya mafoko e ne e ise e bepe fa mongwe a tla kokota mo mojako. E ne e se ope fa e se morwa yo o tsetsweng a le esi wa MmaPelafalo. O ne a refosanya madume le bagolo pele a ya ka tlhamalalo kwa sejaneng se a itseng sentle gore se se mo teng sa re ene wee! Morago ga go di lotlhantsha le meno a a diphaphathi, a tlhamalalela kwa phaposing ya gagwe kwa a neng a feta a itatlhela, a kanama jaaka senonnori. 
Nteso a mo fetola a re: “O kopa maitshwarelo go sele, ke eng o sa a kope mo go Boingotlo, o be o fete o ye go a kopa kwa go mme yo o ntsetseng?” A thanya a tshologa sethitho e bile a roroma jaaka e kete ke bogare jwa mariga a a befileng. A bua a roroma e kete motho a latlhegetswe ke tlhaloganyo a re: “Mme Boingotlo intshwarele, intshwarele tlhe motsadi wa me fa ke go tlhapaditse ke re o moloi...” Le pele a ka utlwa tsibogo ya mosadimogolo, a phamola dikgetsana tsa gagwe a betsega. Fatima le nkokoagwe ba rile ba a mo thiba ba re: “Mmamoruti o ya kae bosigo jaana?” Mmamoruti a lekelela ka lobelo, a taboga lopaapaa, a taboga jaaka motho a rwele ditlhako tsa moapolelo. O ne a mediwa ke kobo e ntsho ya bosigo, ya bo e le la bofelo ba ga Boingotlo ba mmona. 
Kana ke mang yo a reketseng mosadimogolo Boingotlo ntlo? A o ka kgona go tlhalosa ka botlalo gore ntlo ya mosadimogolo Boingotlo e ne e ntse jang? Fatima o tlhalositse fa leina leo e ne e se la gagwe la tota. Tlhalosa botso jwa leina le la ga Fatima wa mosetsanyana. Ka mafoko a gago tlhalosa sebopego le semelo sa ga Fatima? Fa Motswana a re: “Baratani ba ja tlhogo ya tshwene “ o a bo a raya eng tota?? O gakologelwa baratani bafe ba ba tlhalositsweng ka go ja tlhogo ya tshwene mo kgang e? Fa Motswana a re motho ke ‘kwana ya nku e e leleme letala’ tota o a bo a kaya eng? Rraagwe Pelafalo ene o ka mo tlhalosa jaaka motho wa semelo se se jang? 
Mo boemong jwa gore a bone gore go ka dirwa eng ka ga Lerato yo o idibetseng, Pelafalo a itlholela gore le ene a bone se se mo letlojaneng, “Mmalooo weeee! Mmaloo-nna-weee! Mamame weee! Naare ke ne we tsenwe ke eng wee, ijooooooo, ijooooooooo!” Mo selelong seo sa gagwe sa matlhotlhapelo, Pelafalo a tobetsa dinomoro tse di romelang mogala kwa go mmaagwe: “Mma, ke tlile go swa, go fedile ka ga me, ke na le twatsi ya HIV, mmalooo-nna-weeee...” Lerato a itharabologelwa ka esi. 
Mogatse a baya phegelwana mo dijong, a mo tsepa ka matlho a re: “O a itse nna ke ntse ke ithaya ke re mokapelo wa ga Pelafalo ke Fatima. Fatima yo o tlogolang kwa ga mosadimogolo Boingotlo. Tlhang jaanong o bua ka ngwana wa moloi? Jaanong o tota o ntswetse ditsebe.” “Ke raya ena Fatimanyana yoo wa lona!” Tlhang e kete ke wena fela mono mo motseng wa Monyakeng yo o iseng o ke o utlwele sepe ka ga go loa ga ga Boingotlo?” “Hei-hei-hei mosadi! Nna o ntshe mo ditshebong tsa basadi ba motse o. Ga ke itse sepe ka boloi jwa ope! Gape ga ke kgatlhegele go itse gore Pelafalo o tsamaya le mang o ja le mang e bile o nwa le mang! A ga o itse fa pelo e ja serati? A wena o na le bonnete jwa gore e rile ke go itlhaolela, batsadi ba ne ba go rata ka gangwe kgotsa ke go itseetse ka go rata ga me ka gonne ke ne ke go rata? Ga se nna ke ileng go kgoreletsa bana mo thatanong ya bone e bile o ntshulafaleditse dijo tse ke neng ke ithaya ke re di a balola, di mpetlile e le tota e bile o ka re nka betolola. Ga ke sa tlhole ke itse gore a bothata bo mo dijong kgotsa mo moapeing wa tsona.” Mosadimogolo Boingotlo o ne a nna mo karolong e e bidiwang “Phola” kwa motseng wa Monyakeng o o fitlhelwang gaufi thata le toropo ya “Baseleborone” kwa Foreisitata. Ntlo ya gagwe e a sa leng a e rekelwa ke morwadie dingwaga di sena palo tse di fetileng, e ne e setse e le letlotla. Le fa e ne e setse e le mo maemong a go ka bidiwa lengwa, gone e ne e setse e kile ya okediwa ka diphaposi di le pedi gore di nne ditlhano ka palo. E ne e kile ya ntšhwafadiwa. Morwadie o ne a ba a mo tsenyetsa le mogala gore fa a le kwa Belekomo ka masimo, a kgone go nna a roma mogala kwa gae go utlwa gore mosadimogolo le bana ba ntse ba tshedile jang. 
Moruti a tswelela: “Ke ba ba jaaka lona jaana ba ba rotloeletsang tshenyego ya bana. O kile wa se bona kae ngwana wa mosetsana a tswa fela a ya go nna a le nosi a bo a siama? Akanya fela Portia. Ke tshwanetse ka ikutlwa jang fa o gana go mpata fa ke re ke ya go lekola mmê yo o lwalang, kana ke raya yo o ntsetseng? Kana mmê o buile mafoko a a totobetsang botlhoko mo pelong jaaka a ne a re o tla tla mo ga me fela motsing oo go leng phitlho, go sa kgathalesege gore ke phitlho ya ga mang?” 
Mo Sontageng ono ba ne ba tlhotse ba thakgaletse ba itisitse kwa mabaleng a metshameko, mme e rile letlatlana le tshwara, Pelafalo a mmuledisa go ya gae. E rile ba fitlha fa marakanelong a tsela kwa gaabo Fatima, ba ema go se nene, ba tshamekisa dipounama ka tshwanelo pele Pelafalo a re: “Lala o robaditswe tlhe lorato lwa pelo ya me, kana nna ke a go rata le fa batho ba goeleditse dipuopuo di gana go fela tebang le nkokoago.” “Batho ba rata go bua ka nkoko, naare ba re o dirang?” Pelafalo a okaoka pele a inanatha a re: “B-ba-batho, batho ba na le gore nkokoago ga a rate batho. Sala sentle moratiwa, ke tla go bona ka moso.” 
Bomba a dira seipato sa gore o santse a ya go nwa metsi kwa ntlong, ntekwane ga go metsi a sepe. O ne a itumedisitswe ke kgang e a sa tswang go e utlwa mme a sa kgone go e itimokanya. Fa a fitlha kwa ntlong a nnela go binabina a le nosi a ntse a re: “O mo tlogetse, o mo phuagantse ka kgetse, a dikgang tse di jesang monate ruri! Jaanong re a tsena rona makanyane.” 
Moruti Nteso o ne a ntse a segile “nne” mo sofeng ya gagwe ya manobonobo ya modiro wa Lazy boy. 
Batsogapele ba kile ba re: “Ngwana yo o tlhogo kgolo o sira rraagwe”. Se ba neng ba se tlhalosa fano ke gore fa ditiro tsa ngwana e le tse di sa siamang, di kgotlhela seriti sa motsadi mo go maswe, mme ga go ope yo o ka ganetsang seo. Kana ga re tsamae le bana ba rona kwa ba tsamayang teng mme seno se a tle se ba fe tšhono ya go re fora kgotsa go re tsietsa ka dinako dingwe. O ka ithaya wa re ngwana wa gago ke wa maitsholo a a rileng, wa ba wa nna wa ititaya mafatlha ka maitsholo a gagwe, ntekwane batho bone ba mmona ka leitlho le o sa le itseng. Se re se kayang fano ke gore batsadi ba ga Lakabane Nteso ba ne ba itse ngwana wa bone e le wa maitseo a motsadi a ka ipelang ka one. Go ne go le gontsi go ba neng ba sa go itse ka ga gagwe, mme sebe sa phiri e le gore ga ba itse fa ba sa itse. O ne a na le ditsala di le pedi kwa Thabantsho, kwa a neng a dira gone jaaka Rramelemo, e ne e le Kibiti le Kolokoti. Mathaka a mabedi ano a ne a sa di gadikela go di ja, mme ga go a ba tsaya lobaka pele ba tsenya Lakabane mo metsamaong ya bona ka katlego. Ba ne ba tsamaya ka dijanaga tsa mabaibai, majalwa ba latswa a maina a nna le wena re palelwang le ke go a buisa, ke raya ano a e tleng e re fa motho o thwetse lebotlolo la teng le le lolea, o le ipele o bo o le dirise jaaka sekgabiso sa maemo a a kwa godimo. Makgarebe one e le mmu le matlakala, motho o ne a thwantsha monwana fela o bone wa lotso looEfa lo tla kwa ntle ga go botsa potso. 
Basimane ba gaetsho ba nna monate kwa Gauteng, ba thakgaletse ba kwa ga mothakga, go se letsapa le ba fisang pelo. Letsatsi lengwe ga tsena rre le mme Shai, e ne e le baagisani le bona. Rre Shai o ne a ba itsise gore ba rekile ntlo kwa ‘Kempton Park’ mme e na le sengwe le sengwe ka jalo ba ka ba rekisetsa fenitšhara e e mo phaposing ya bone fa e le gore ba a e kgatlhegela, sesolo fela. O ne a ba kopa dikete di le pedi fela sengwe le sengwe. 
“Leina la me ke Fatima, Fatima Govendor, mme ke kgatlhilwe ke fa ke lemoga gore nna le wena re kopanetse leina. Kana ga go a tlwaelesega, tota nkare tlwaelega e seng tlwaelesega gore MoAforika a ka bidiwa ka leina Fatima. Re itse maina ao e le a segarona. A ko o mpolelele, wena o le tsaya kae? 
Go ya ka moo a tlhalositseng ka teng, lelapa leo le ne le mo tshotse jang? 5. Go setlhaketlhake sengwe se Fatima Govendor a tlhalositseng gore o kile a se etela. Neela leina la sona. Kwa hoteleng go ne go le mosimanyana yo o neng a atisa go phepafatsa phaposi ya ga Fatima. Ene leina la gagwe ke mang? Leina la hotele e Fatima a neng a nna kwa go yona kwa setlhaketlhakeng e ne e le mang? Fernando wa Mopotokisi o ne a tsaya ngwana wa batho ka setsokotsane. Tlhalosa maikutlo a ga Fatima ka ga Fernando, o dirisa mafoko a gago. A o ka kgona go nopola Fatima ka mafoko a gagwe tebang le maikutlo a gagwe ka ga Fernando? Go ya ka tlhaloganyo ya gago, maikutlo le maikaelelo a ga Fernando ka ga Fatima e ne e le eng? Ke mafoko afe mo kgang e, a a supang a Seeng a a reng ‘cul – de – sac‘? Ka Setswana o akanya a bo a kaya eng, goreng o akanya jalo? Itlhalose. 
 
O ne a bua jalo a gata a gatoga, a na le botshelo jaanong. Fa a setse a le dikgatonyana di le mmalwa go tswa fa go Bomba, Bomba a bua a gagasela a re: “Le gale fa o sa tlhole o mo tlhoka, o se mo latlhele kwa thothobolong bogolo o mo latlhele mo sehubang sa me.” 
“Dumela ngwana wa moloi.” E rile a tsholetsa matlho, a kgatlhantshiwa ke sefatlhego se se tletseng boleo le bosetlhogo sa motho yo a ntseng a iphora a re o tla tsoga a mmitsa mmatsale ka moso. Ngwana wa batho a tsewa ke sedidi, mafoko a gaelelwa mo ganong. Morago ga go fopholetsa mafoko a go fetola a re: “Dumela MmaPelafalo, a o ne o bua le nna?” “Ke bua nao le jaanong. Kgotsa ke mang gape ngwana wa moloi yo o mmonang mo tikologong e? A kgotsa le a itsane bana ba baloi? A gone e a bo e se madi a monna wa me a lo a bong lo a ja ao?” Fatima wa batho a iphitlhela a aparetswe ke ditlhong tse di senang go lekanngwa le sepe, a leba kwa le kwa go tlhotlhomisa gore go ka bo go le batho ba le kae ba ba utlwileng fa a bidiwa ngwana wa moloi phatlalatsa. Lesego ya nna go sa bone ope yo a mo lemogang le fa e le go mo itse. Ka boingotlo jo a bo antseng go tswa mo go nkokoagwe, Fatima a tswa molomo: “Mme o teng kwa gae, ke ene a nthomileng. Se ke sa se tlhaloganyeng ke madi a go tweng ke a a ja.” MmaPelafalo yo o neng a ntse a suma ka kgalefo a tlhalosa: “Bona fa Fatimanyana towe! ke go tlhoile mme ke go tlhoisitswe ke mabaka a a nkamang. La ntlha, ke gore ga ke batle bagogadi ba baloi! Ga ke lore ke nyalelane le baloi. Fa e le gore le setse le forane wena le Pelafalonyana yoo wa gago, o itse mosetsanyana gore tseo tsotlhe di tla fetoga dijo tsa ditoro fela. Kwa ga me o tla nna ngwetsi ke sule kgotsa go sule wena.” Fatima a sala a ntse a mo rotoletse matlho, a tswile dikgapheng jaaka e kete o bone sengwe se se tshosang tota, puo yona a e tlhoka a ntse a o rwele. Yo o nang nayo a tswelela: “La bobedi, ke ipotsa gore fa ngwanake a ne a sa rutega, a sa ya kwa diyunibesithing a o ne o tla mo ikgomaretsa jaaka bonota jaana? Ba ba go itseng sentle ba re o itirile sutu ya gagwe. Ba ba go itseng botoka le go gaisa ba re le a ya ntlwaneng ya boithusitso tota o ntse o mo kgomaretse, sisi! ga o tlhabiwe ke ditlhong, a bua jalo a mo kgwa mathe. Le a di rata tlhe ditšhono, kante lo bomabina-go-tsholwa fa lo riana? Tsa gago wena dithuto di kae? O na le eng?” Pelo ya ngwana wa batho ya tsorotla kgodu e khibidu. Mo nakong yotlhe e, o ne a ntse a sa itse gore mme yo a ntseng a iphora a re o tla tsoga a le mmatsalaagwe, o mo tlhoile go le kanakana. Mo puong yotlhe ya mme yo, go ne go sa ntse go le sengwe se se saletseng kwa morago, sengwe se Fatima a neng a sa ntse a sa se tlhaloganye: “Jaanong mma, madi a monna wa gago a o ntatofaletsang go a ja one ke afe? Nna ga ke ikitse nkile ka ja madi a monna wa ope ruri.” “Ga o a itse? A o batla ke go a bolelele? A ga o itse fa Pelafalo a sa dire? Kgotsa wena o itse a dira kae? O itse a dira kae le gore o amogela bokae? A ga o itse fa dimonamone tse a tlholang a di go kgogompetse e le tsa madi a monna wa me? ‘Teddy bear’ e ba reng o go e reketse malobanyana fa yone o itse a e rekile ka madi a ga mang? Haa!! bua mosadi, bua mma.” E rile gore Fatima a lemoge fa e sa ne mme e komakoma, a ipolelela gore go tlholwa ga se go lema dinaka. A akanya ka ga lerato le a ratang Pelafalo ka lona, mme e rile a le bapisa le lotlhoo le mmaagwe Pelafalo a mo tlhoileng ka lona, a tlhoboga lerato leo, a le tlhobogela ruri. “MmaPelafalo, ke a go tshepisa, ga nkitla ke tlhola ke ikgomaretsa ngwana wa gago gape. O ka se tlhole o utlwa go twe ke bonwe le ene gope. 
“E na le eng se se botlhokwa go le kalo se ke sa tshwanelwang ke go se bona?” “A o tlhe Lerato, tlhee ngwanaarona ke kopa gore o ...” E rile fa Fatima a lemoga gore Lorato o ya go okomela ka kgang, a tšhaela monwana ka fa logwafeng pele a re: “Ntla! ke feditse ka bona jaanong.” Lerato a bula letlojana mme a e bona, a bona kgetsana e ntshonyana ya letlalo, a e bula, a e bula ka iketlo. A se bona. 
Se se gakgamatsang ke gore banna bano ba ne ba sa dire, mme botlhokatiro jwa bona bo sa itshupe e le sekgoreletsi ka gonne ba ne ba aga ba sailasaila ka mausausa a diranta gongwe le gongwe fa ba bonwang teng. Le fa go ne go se bosupi jo bo feletseng, go ne go na le magatwe a gore ba amega thata mo thekisong ya diritibatsi le diteemane. Le fa go ntse jalo e kete ba ne ba dira tiro ya bone ka makgethe, ba kgona go khurumetsa metlhala yotlhe ya bona ke ka moo go neng go ise go diragale gore ba tshwarwe ka morwalo. MmaNteso ka go sa itse, o ne a aga a ithorisa ka bana ba gagwe ba ba maitseo e bile a itse le go kgala ba batho ba bangwe. Le fa Nteso a ne a sa rate, o ne a felelwa ke ditlhale morutsheng, go se go kalo moo a ka go dirang. Ka letsatsi lengwe Lakabane a santse a itisitse ka phafana le ditsala tsa gagwe tsa tlhogo ya kgomo, ba utlwa a ba botsa potso e ba sa e solofelang, le go e tlhaloganya ba sa e tlhaloganye: “Banna ba gaetsho, a lo itse hoko ya dikgogo?” “Hoko ya dikgoko, o raya eng jaanong?” ga botsa Kibiti le Kolokoti ba buela gongwe. “Ee, ke ne ke rata go itse gore a lo itse pharologano magareng ga dikgoko tse di tswaletsweng mo hokong di fepiwa le tse di tlalatlalang le naga di itshelela?” “Ke mang tota yo o ka reng ga a itse pharologano?” ga botsa Kibiti. Lakabane a tswelela, “Ke buisiwa ke gore nna ke tle ke bone e kete dikgoko tse di tlalatlalang di leba tse di tswaletsweng ka kgatlhego ka di bona tseo di tlhokomelesegile sentle, di fiwa dijo le metsi, di direlwa sengwe le sengwe di bile di babalesegile kgatlhanong le dilalome. Ka mo letlhakoreng le lengwe o ka fitlhela dikgoko tse di tswaletsweng di lebile tse di tlalatlalang ka kgatlhego ka di bona di itsamaela jaaka di rata, di ijela se se ratwang ke tsona, tota le go tebalana le ditsie e kete tse di tswaletsweng di go tswela pelo. Jaanong la re botshelo jo bo monate ke bofe foo?” 
“Ka moso ke batla Fatima fa, ke ene a ka nnang esele ya me, e seng wena, o itse eng ka go nna esele wena?” Pula wa batho a tsielega, o ne a sa itse gore o tla raya kgaitsadie a re eng, se se botlhoko e le gore ga go se a ka se dirang. 
“Ee, ke raya sona senotlolo.” “Ke ne ka se neelwa ke mmê ka namana.” “Ke itumela thata fa o santse o gakologelwa. Jaanong a ko o mpolelele gore mosadimogolo o ne a raya gore ke senotlolwana sa eng fa e le gore o santse o le tshegana-ingate?” 
Lakabane o ne a rapela bosigo le motshegare gore a se atlholwe mme a ipone a gololosegile. Bosigo bongwe, rraagwe a mo etela ka toro go mo itsise dikgang tse di jesang monate tsa gore, dithapelo tsa gagwe di utlwetse mme a solofele go gololwa mo sebakeng se se sa fediseng pelo. O ne a mo tlhokomedisa go ithuta batho: “O ithute go tlotla basadi. Kana motho fa a apere ng kgotsa eng, o a bo a aparetse ene, e seng wena, mme ga o na tshiamelo epe ya go mo henahena. Seipato sa gago sa gore o simolotswe pele, se bokoa thata ngwanaka.” E rile bo sa, ga diragala motlholo ka nnete. O ne a etelwa ke motho yo a mo itseng sentle le fa a ne a sa mo solofela ka gope. E ne e se ope fa e se Ouma, ene mosetsana yole wa go mo latofatsa ka go iphamolela tlhakwana ya podi. “Dumela abuti Lakabane, ke tsile go go itsise gore ke tsholola kgetse, ke go itshwaretse, o se mpotse sepe, ke na le mabaka a me a gore ke go itshwarele.” O ne a tswa a tsamaya a sa fa Lakabane le tšhono ya go tsiboga. Fa a fitlha kwa go boKolokoti, a ba tlhalosetsa gore o dirile jaaka ba mo laetse. Ba mo naya dikete di le pedi tsa diranta go mo leboga. Kolokoti a sala a re mo go Kibiti: “Kana boammaaruri ke gore mothaka ene o ne a sa re siamololela ka gope. Motho yo re neng re batla go mo ntsha botlhale ke mmaagwe, mme bo dule, bo tswetse ruri, ga ke na pelaelo.” Pelafalo ene ka ntlha ya go ikitse a rwele bolwetse jo bo sa alafegeng, a nna kwa Gauteng a tlhobogile sekolo, a tlhobogile dithuto mme nko yona e sa tlhole e tswa ka mo phafaneng ya bojalwa.O ne a ba a tloga kwa Soweto, mme ba ba mmoneng kwa Alexandra malobanyana fa, ba re melomo e setse e le ditatswa fela. O aga a re ga go thuse go leka go itshomarela etswe a itse gore o samile garawe. Lorato ene ba re o ineeletse lefatshe gore le dire jaaka le rata ka ene. O tladitswe lefatshe ke tsupuetsego go fitlha a ipona a le kwa Hillbrow. Le gompieno wa gompieno o santse a le kwa teng, kgwebo ya gagwe e mo tsamaela sentle, se a se rekisang ke ene ka sebele. Borrangwanaarona ba ema mekoloko fa ntle ga phaposi ya gagwe ba tshotse mausausa a diranta, mme ba tswa dikgetse di le lolea. Lorato o tlhoile mesomelwana ka pelo yotlhe ya gagwe ka gore a re ga a batle go swa a le nosi. MmaPelafalo ene o ne a belesediwa, a gatisiwa kosene letsatsi le penne. Ba ba mmoneng ka matlho ba re o dule a akga diatla. A boela kwa gaabo kwa Thulama a sa gadime kwa morago. Thulama wa teng o sale a mo feleletsa ka phitlho ya mmaagwe. A fitlhela ntlo ya kwa gaabo e ntse letlotla. Baagi ba Thulama ba ne ba mo sisimoga ka ba ne ba mmone bosulanyana mo lokwalodikganyeng. O ne a sa itse gore a ka ya kwa ga mang ka a ne a sentse dikamano ka esi le batho ba Thulama motsing o o a neng a ipona gore o nyalegile mme o tsene mo mafureng jaaka philo. O kgotlhetse didiba, a lebala gore o tla tsoga a batla go nwa gape mo go tsona. O ne a ba a gakologelwa ka pelo e e sisang gore kana batsogapele ba kile ba re: “O se bone nong go rakalala godimo, go ya tlase ke ga yona.” Malobanyana fa jaaka a ne a ntse a le nosi mo maropeng a batsadi ba gagwe, pelo e ne ya thelela botlhoko fa a utlwa kopelo e e botswerere e tlhaga kgakajana mme le gale e utlwala sentle. E re ka Thulama e se kgakala le naga ya Lesotho, mo kopelong go ne ga utlwala monna wa Mosotho a opela ka lentswe le le gagaselang o ka re a ka šaga dikota ka lona jaaka a ne a re: “Empa jwale ho fedile ...” O ne a lemoga ka tota gore go fedile ka ene. Botshelo jwa gagwe bo kgethefetse, a ka se bo apolele ope, molato o le mo diatleng tsa gagwe. Ka nako eo, ke fa a tlhoka le se a ka se latlhelang mo ntshung, a ntse kwa maropeng a bagolo ba gagwe jaaka segogou sa bosena-tshwaro. A iphelela pelo gore mmopi a dire thata ya gagwe ka ena. 
Lerato a phamola founu mme a re: “Ke nna Lerato, a go sengwe se se go jang mosadi? A ga o bone boroko?” “Ee, ga ke bo bone ka ntata ya kgetsana ya me ya letlalo e ke e tlogetseng ka phoso ka mo kobotlong ya diaparo ka koo. Ke a kopa, tsweetswee gore lo e neele Pula gore a tle nayo motsing a tlang gae, ke kopa le gore le se ke la okomela se se mo teng tlhe, ke a le rapela.” 
Abakane o ne a kile a tlalelana mafatlha, a bitsakaka rraagwe ka mainaina a a sa tlhageleleng mo lokwaloitshupong, a kgwa manxa, a phamola setulo se a neng a se ntse, a se phatlalatsa fa fatshe, a thubaganya setswalo a tswa a tsamaya. E ne e le la ntlha le la bofelo a mmona a ntse jalo. Mo sebakeng se o ne a ipotsa gore a go ka kgonega gore a bo a dirile se go tweng o se dirile, le teng e le fa e le gore go tewa ene. O ne a nnetse go balabala ka pelo jalo a sa ele tlhoko le gore fa e sa le letsatsi le ntsha nko ka kgala ya botlhaba, ga a ise a ke a latlhele sepesepe mo ntshung. Mmele o ne wa simolola go koafala, maikutlo le one a ya kwa tlase. 
Fatima a dira sengwe sa dilo tse a neng a setse a lebetse gore o itse go di dira e bong go nyenya pele a mo thadisetsa ka botlalo a re: “Tota Fatima eno ga se leina la me la nnete. Ke utlwa go twe motsing ke neng ke tsholwa, go ne go le mmelegisi mongwe wa MoIndia a bidiwa ka leina le. Ke utlwa mme a re mmelegisi yo, a bona e kete ke montle jaaka ena mme a kopa mme gore a mpitse ka leina la gagwe. Ke gola ke bidiwa ka leina le go fitlha le gompieno. Batho botlhe ba ba ntlwaetseng le ba ba nkitseng ba mpitsa jalo, le nna ka nosi ke tsamaya ke lebala leina la me la Setswana. Wena o MoIndia yo o ntseng jang yo o buang Setswana se se tlhololo jaana?” 
Wits nala. Mo gare ga bosigo, fa a re o ya go kwa dithekesing gaufi le hotele e e itsegeng thata ya Milpark, a rakana le masogwana a le mabedi a difatlhego tse a simololang go di bona. O ne a tsenwa ke letshogo a bo a ikwatlhaela go ebela masigo jalo a le nosi mo gare ga mpa ya Gauteng. O ne a ba a gakologelwa puo e le ya maloba ya gore thipa ya kwa Gauteng ga e a kopelwa jaaka ya kwa Foreisetata. Mongwe wa mathaka ano a lemoga ka bonako fa Pula o tshogile. “O se tshoge ‘mfana’, leina la me ke Dikhambadoni, ‘mpintšhi’ ya me fano ke Vakele, a o itse Lerato, Lerato Nteso?” “Lerato ke mo itse sentle, re nna mmila o le mongwe...” “Jaanong ke goreng ene le mmaagwe ba go tlhoile jaana, o ba jetse eng mfana?” “Ga ke itse fela ke tlhomamisa gore ga ke a ba jela sepe e bile ke ntse ke sa lemoge gore ba ntlhoile go le kalo. Ya tsewa ke Vakele: “Ga o lemoge jang ba setse ba re duetse madi ka makgetlo a le mabedi gore re go bolaye? Rona ke rona fela re neng ra ijela madi fela re sa dira tiro ka gore re ne re sa utlwe lebaka sentle.” Ya nna gone Pula a tshogang: “Mpolaya, nna, leng, kae, jang?” “A ga o gakologelwe letsatsi la ntlha o simolola go fitlha mo Jozi. A ke re Lerato o ne a rile o tla tla go tsaya ka sethoboloko, jaanong ke goreng a ne a sa tle go go tsaya? Thulaganyo e ne e le gore o kotame foo go fitlha go fifala, rona ra bo re tla go go kgabatlelela ka maruarua a rona a dithipa. Modimo wa gago o mogolo mfana kgotsa ngaka ya gago e itse tiro ya yone.” Pula a akanya ka tsenelelo ka ga kgang ya banna ba mme a fitlhela go sa kgonege gore ba ka tlhama noolwane e e ntseng jalo, a itse ka jalo gore ba bua boamaaruri. O ne a ikutlwa a tlhoa Mmamoruti le Lerato wa gagwe ka letlhoo le a ntseng a sa itse gore a ka nna le lona. A ba hutsa go fitlha kwa tshikeng ya botlhano. Pula a sianela kwa mogaleng o o gaufi. BoDikhambadoni ba tla ba mo setse morago. A leletsa mosadimogolo mogala a sa itse le gore Mmamoruti o gone kwa gaabo. O ne a tlhalosetsa nkokoagwe sengwe le sengwe se boVakele ba se mmoleletseng. Mosadimogolo o ne a sa rate go dumela, o ne a simolola go dumela fa Vakele a phamola mogala mme a mmolelela ka esi ka ga se se diragetseng. Mosadimogolo a ba bolelela fa Mmamoruti a le teng mo ga gagwe mme a eletsa gore ba bue a tle a ikutlwele. Dikhambadoni a tsena: “Nkoko, mmitse a tle mo mogaleng.” Mosadimogolo a biletsa Mmamoruti fa mogaleng, Mmamoruti o ne a sa itse gore o bidiwa ke mang mo mogaleng. Dikhambadoni a itlhalosa: “Jeforou, ke nna Dikhambadoni, a o a nkgakologelwa?” Boingotlo le ene o ne a atameditse tsebe ya gagwe mo mogaleng. Boammaaruri ke gore Mmamoruti o ne a sa gakologelwe leina leo, “Dikha-mang?” “Ke Dikhambadoni mme ke tsamaya le Vakele. A ga o re gakologelwe ka gope?” “Ga ke lo gakologelwe sentle, lo letsa lo le kae banaka?” “Rona, re go tshwara sentle, e bile re go bone o tlhageletse mo kuranteng, kante o Mmamoruti yo o ntseng jang? A o teng Mmamoruti fela yo o tsamayang a soka mabole mo mmileng! Ke rona ba le ba wena le morwadio, Lerato le neng la re duela gore re bolaye ‘mfananyana’ yole yo le neng le re ke ngwana wa moloi...” Mmamoruti a wela fa fatshe, a idibala. 
Makolwane a gaetsho a itumelela sesolo seo thata. Bonolo ene o ne a itumela fela ka gonne e le selo se se itumedisang mme a sa itse gore o tla tsenya seatla ka go dira eng. O ne a itse gore ene ka nosi dikete di le pedi a ka se di kgone. Tse di neng di akareditswe mo sesolong seno e ne e le tafole le ditulo di le nne, setofo sa dipitsa di le pedi, bolao jwa batho ba le babedi gammogo le kobotlo ya go beela diaparo. Pelafalo jaaka kwana ya nku e e lolemeletala, a lala a romile mogala kwa gae mme ya re a tsoga, a bo a romeletswe madi. Go ne ga simolola khuduga e kgolo jaaka go ne go fudugelwa kwa phaposing ya ga Shai. Dithoto tse ba neng ba sa tlhole ba di rata ba di ja ka molelo ka ntata ya boitumelo. Bonolo o ne a tlhokomela gore jaanong fenitšhara e ba nang nayo ke ya ga Pelafalo ka botlalo. Le gale o ne a ikgomotsa ka gore o tlile go tsamaya pele ga Pelafalo. 
Morago ga kopelo e e molodi e, e e tlhabang motho mo pelong, moruti a kgaogana le piano, a nna mo sofeng mme a tlhaselwa ke letshanyana la boroko. Mo torong, a lora a konyakonya mo kgorong ya legodimo mme a bulelwa ke moengele wa sefatlhego se se edileng. Ntekwane o ne a sa lore o ne a konyakonya ka nnete. Ba ba neng ba italetsa mo ntlong ya gagwe ka go ngokwa ke molodi wa pina, ba fitlhela maloba e le maabane. 
“Karabo ya gagwe e a tshegisa gone jaanong mme ka nako eo, e ne e sa tshegise e bile ke ne ke mo tlhabelwa ke ditlhong.” “Mpolelele, o ne a go raya a re eng?” “O ne a nthaya a re ‘mphe wena’, ke ne ka leka go itshegisatshegisa ka ntlha ya ditlhong mme ka re: ”Ao, ngaka, o ka dira eng ka selo se se ntseng jaaka nna jaana? Ke ne ka lemoga fa ke mo leba sefatlhego gore o bua a tiisitse, a menne phatla fa a re: “Ga o selo mo go nna, o motho wa totatota”. Go tloga motsing oo, ra nna baratani ba lerato la o ka swa nka go ja. Le gompieno ke santse ke mo rata fela jalo, ga go a fetoga sepe e bile ga ke batle go utlwa sepe ka ene ke jaaka ke neng ka mo itshwarela bonolo fa a ne a nteofetse.” “A o go leofetse? A mme o setse a kile a go leofela? A ko o nthadisetse ka eo go le gonnye.” “Waai, ke kgang e le ya ‘mawelana’ e ke rileng ke tla go e lotlegela ka letsatsi le lengwe. Wena o buise ‘Kgori e bona lee’, o tla ikutlwela.” Sejanaga sa mabonomantle, sa modiro wa Sejeremane sa itelekela, se tsamaya e kete se a belafala pele mong a se tshwara maremo le go tobetsa phala. Fatima a tsholetsa matlho pele a re: “Ke ene mogatsake yo, re tla boa re bonana.” O ne a kwakwantela kwa sejanageng. Fatima wa mosetsanyana a sala a rotoletse sejanaga matlho go fitlha se ema kwa makopanelong a ditsela. O ne a eletsa e kete le ene ka lengwe la malatsi a ka ipona a le mo maemong ao. Fa maikutlo a gagwe a santse a ile le naga jalo, a gakologelwa gore go sengwe mo seatleng sa gagwe mme a se leba. O ne a fitlhela e le letlojana lele la baswi le a sa le a le tshwarisiwa ke tsala ya gagwe. 
Ditshiamelo tsotlhe di sireleditswe. Ga go na karolo ya kgatiso e, e e ka boelediwang, ya bolokiwa mo mofuteng o o ka tlhagisiwang gape ka ona, kgotsa ya gatisiwa mo sebopegong sengwe le sengwe kgotsa ka mokgwa o o rileng, wa elektroniki, ka motšhini, ka kgatiso, kgotsa ka mokgwa o mongwe o sele, kwa ntle ga gore go bonwe tumelano e e kwadilweng ya mong wa ditshiamelo tse di sireleditsweng tsa bakwadi pele. 
A ko o rete setlhopha sa Pimville United Brothers jaaka bagasi ba Setswana ba ne ba dira metlheng eo, buela kwa godimo, phaposi yotlhe e reeditse. Go ya ka moo o tlhalogantseng ka gone, a motlhatlheledi Maseko ka esi o kile a tshameka kgwele ya dinao? Go ya ka wena monna yo Dancing Shoes e ne e le wa semelo se se jang? Motlhatlheledi Maseko ene o ka re o ne a le semelo se se jang? Go ya ka moo o tlhalogantseng ka teng, Thandi e ne e le mang? Ga twe monna wa Mosotho o ne a opela ka lentswe le le gagaselang o kete a ka saga dikota ka lone, leina la gagwe ke mang? Go kaiwa eng fa go twe ‘dipitsa di agetse digokgo’? Tlhalosa. O ka netefatsa jang gore MmaPelafalo o ne a sa golela mo lelapeng le le itsholetseng? Go ya ka wena, a mme Pelafalo le Lerato ba ne ba na le twatsi ya HIV kgotsa nnyaa? Tshegetsa karabo ya gago ka mabaka. Go ya ka wena, a botshelo jo bo neng bo tshelwa ke Kibiti le Kolokoti bo ne bo siame kgotsa bo ne bo sa siama? Emelela ntlha ya gago ka mabaka. 
Fatima a leba mmaagwe le nkokoagwe sebakanyana pele a re: “Nkoko, kana go lo fa, re hutsafala jaana ka ntlha ya leina la gago. Ke leina la gago le le gogakiwang mo seretseng mme wena o lebega o sa le tshwenyegele ka gope.” Boingotlo a thubega ka setshego pele a re: “Ngwanaka, ga ke loe. Ga go sepe se nna nka ka se dirang go fetola ditlhaloganyo tse di boleletsweng ke beng ba tsone ka ga me. Ke tla ba reng? Ke setse ke tlwaetse.” 
“Ke goreng o ne o re ke ratane le Pelafalo yo gone jaanong a ntsentseng HIV/AIDS?” Mmaagwe a o tlhoka a ntse a o rwele. A tlhakatlhakana jaaka e kete ke ene e tsenweng ke bolwetse. MmaPelafalo fa a sena go amogela mogala, a kokomoga a le nosi ka tšhakgalo: “MmaNteso wa molotsana! Ke sale ke ntse ke balaela. Ke tsone tse a neng a di batla. O ne a ntse a batla gore ‘Aids’ eo ya gagwe e a e bitsang ngwana e mpolaele wa me. Ke ya go mmolaya la go swa! e seng leng, gone jaanong! A tswa mo ntlong a suma jaaka setimela, a santse a le mo meseseng ya bosigo. MmaNteso ene o ne a boa go tswa kwa ntlong e a neng a tswa go amogela mogala kwa go yona, e seng kwa ga Boingotlo. E rile a akanya ka ntlha eno ya Aids sentle, a bona kwa e tswang teng ka tlhamalalo. A simolola go batla yo a ka mo latofatsang: “Mmm, ke sale ke mmelaela MmaPelafalo wa molotsana! Ke tsone tse a neng a di batla tse! O ne a ntse a batla gore setlhobogwa sele sa gagwe se se ke sa swa se le nosi. O kgotsofetse, o kgotsofetse kwa a teng ka gore jaanong ngwanake o tlile go swa le wa gagwe. O tla nkitse, nna ke Portia wa ponto le šeleng! Ga se nna ke tla dirwang jaIo ka ngwana ke mo tsetse, ka bo ke phutha diatla. Ke ya go mo sokeletsa molala, e seng leng, ka re gona jaanong.” O ne a tswa mo ntlong a tšhakgetse jaaka lebolobolo le tshetswe ka motlhaba. O ne a santse a le mo meseseng ya bosigo. A gatela kwa godimo, maoto a gagwe a tlhaela lefatshe, mmele wa gagwe o mokima a sa o utlwe ka sepe. E rile a tikologa ka sekhutlwana sa fa kerekeng ya Fora, a bona mongwe yo mokima jaaka ene le ene a gatela kwa godimo. Ba rakanela fa bogareng jwa kereke ya Fora le ntlolehalahala. 
O ne a ngunanguga thapelonyana pele a tsholetsa mogala: “Modimo Rara, modiri wa thata yotlhe, a e se nne ngwanake tlhe ke a go rapela.” “Rra, ke Lakabane, ke bua jaana ke leletswe ke ditshipi tsa kgolegelo...” Moruti a pumpunyega sethitho pele a re: “Molato ke eng monna, a o tshwatshwaeditswe kgotsa jang? Ntheye o re ba go tshwatshwaeditse tlhee, ke a go rapela mosimanyana wa me.” Pelo ya Lakabane ya uba a eletsa e kete a ka aketsa le rraagwe. Le gale a itse gore o tla bo a lema diso ka go di ingwaela. A fetsa le maikutlo a gagwe gore a phunye seso fela, se tswe boladu go ye kwa go yang teng: “Rra, ga ke a tshwatshwaediwa ka gope, ke dirile jalo le gale mosetsana a umakiwang ke ene a simolotseng, o nkgogetse mo thaelong, ga ke a dira ka bomo...” Moruti ga a ka a tlhola a utlwelela go feta foo, a pirigana fa fatshe jaaka kgetse ya mmopo mme e le la bobedi selo se, se mo diragalela mo letsatsing le le lengwe. “Molato ke eng rre moruti, a ke go biletse ngaka?” “Nnyaa, Pula ngwanaka ntshegetse fela go fitlha kwa gae.” 
“Pela, ke wena, monna?” A botsa jalo a thibosa sesiro sa letlhabaphefo go netefatsa. Monyenyo wa ngwedi o mosetlhana o o neng o bonesitse sefatlhego sa ngwana wa monna se se tlhontseng wa lemosa Bomba ka bonakonako gore sengwe se gone. Kwa ntle ga go okaoka a re jasana ya bosigo ntle magetleng, ditlhako tsa bosigo ntle dinaong. Ka ntata ya go tila go tsosa bagolo, a phaila a ngotlile mokgwasa a ba a fitlha a bula setswalo a ntse a o ngotlile fela jalo. 
 
Ka go tlhabega maikutlo, a sela matlapa mme a leka go ba tebela. Ba phatlhalala mme a se itse gore a ka ora ofe dibeso  lesa ofe. A sala a eme fela a sa itse gore a ka ba dira eng. E rile ba bona gore o a ba lesa, ba ikgobokanya gape mme ba simolola kopelo nngwe ba ntse ba re: “Mme Mmamoruti, moruti o e tla yelelele iye Mme Mmamoruti moruti o e tla yelelele iye O e tla yelelele, o e tla Yelelele iye...” 
“Cul – de – sac” gape mo go ba ba nang le makwalo a go kgweetsa e kaya selo sengwe se se rileng. Wena fa e le gore ga o kgweetse, o akanya gore ke ka ntata ya eng fa ba ba kgweetsang bone ba patelesega gore ba a itse? Go sengwe se se neng se tladitse Fatima ka phisego ya go bona sefofane se tsurama mo Aforika Borwa, e ne e le eng? Ke eng sa ntlha se Fatima a neng a se dira fa a fitlha kwa gae go tswa boitapolosong le bathapi ba gagwe? Fatima o ne a simolola go bopama. Fa o bona go ne go diragala eng? Go sengwenyana se se tshegisang tebang le ngaka e Fatima a neng a ile kwa go yone. A o ka se tlhalosa? Felo gongwe kwa Thabantsho go kile ga belegwa mawelana a metlholo. Ga go bonolo go tlhaloganya gore go ne go tewa eng fela go na le tsela e nosi fela ya go ka tlhaloganya se, ke efe? 
A tlhakana tlhogo, a leka go tebela sejanaga ka lobelo mme a lemoga lebelo le sejanaga se neng se tsamaya ka lona, a itlhoboga. O ne a fetsa le maikutlo a gagwe gore a le tsenye mo kgetsaneng ya gagwe mme a tsamae a le rwele jalo ka tsholofelo ya gore ‘tsatsi lengwe o tla boa a rakana le Fatima mong wa lone mme a le mo neele. Go tloga motsing oo, kgetsana ya ga Fatima ya letlalo e a e rwalang ka legetla, ya nna legae la leruri la letlojana leo. 
i. 	Ke goreng mokwadi a ne a tila go dirisa leina la mothaka yo? ii. 	O lemogile jang gore mokwadi o titse go le dirisa? iii. Fa o bona leina la motshameki yoo ke mang? 
“Pela monna, go rileng masigo jaana?” “Monna wetsho, ke tlhakatlhakane. A go sengwe se o se itseng ka ga mosadimogolo Boingotlo?” 
“Ke lemogile fela gore o ne o ntse o buisa buka mme ga ke a e tsaya tsia, ke e e bidiwang mang?” “Ke e e bidiwang ‘Kgori e bona lee’ mme e kwadile ke P. Tseole. O e ipuisetse o tla ikutlwela, o a itse seso se monate se ingwaelwa.” 
Mme Portia a o moma fela, a se ke a araba. O ne a tsena mo kamoreng, mme a tswa a setse a fetotse moaparo, o ne a apere tse di dumalanang le mafoko a o a buileng: “Dijo tsa gago di ka mo ontong. Ke sa ya go bona MmaPelafalo.” A bua a kukile nko jaaka ntšwa e dupelela. A tlogela moruti a sena boiketlo mo moweng. O ne a sala a balabala a le nosi ka pelo, a tsamaya a kopakopanya le go latofatsa Modimo ka go mo abela mosadi yo o tlhoileng mmaagwe go le kanakana. Nteso a simolola go utlwa e kete pelo ya gagwe e gateletswe ke sengwe, a imelega, a sa tlhaloganye gore jaanong matsapa ke eng. O ne a leka go itapolosa ka go tshameka, kopelo ya moswi Jim Reeves jaaka a re: “This world is not my home.” Pelafalo le Bonolo ba ne ba kaname mo bolaong jaaka dinonnori fa Bonolo a tla phatlhoga fela a sa rumolwa a re: “Hee, Pela, aitsane ke na le go tlelwa ke maikutlo a gore kopano ya gago le Lerato e kete ke e e rulagantsweng? Go tla jang gore fa Fatima a sena go go tlogela fela, Lerato a bo a setse a wa fela jaaka sewagodimo fa pele ga gago. O wa a tlhaga kae monna?” “Mmona Soft, jaanong wena o a bo o bua dife jaanong?” “Ke akanya fela, kana batsadi bangwe ba tle ba tshameke morabaraba ka bana ba bone.” Pelafalo a ikgagolaka meriri e e malepelepe, a šakgala a re: “Ke tlhoile leina Fatiiiima, ke tlhoile leina Bomba, motho wa teng fa a ntse a mpolelela ka lekau le a le iponetseng ntekwane o ntse a bua ka ga Bomba. Bomba ke eeeeeng monna? A o raya Bomba wa matlhogole! Bomba ga a na mabaka! Bonolo o ne a mo leba mme a mo tlhokela puo, kaekae o ka re o ne a batla go ikwatlhaela go tloga a lerile kgang eo mo tafoleng. Pelafalo a kgwa manxa gabedi kgotsa gararo pele a re: “Motho o ka ithaya wa re ke tsala ya gago, wa mmona a go tshegeditse fa o le mo tlalelong, e bile a ntse a go gakolola, wa mo utlwa a go buisa ka leleme le le borethe, ntekwane o go tsenyeditse lerumo mo kobong, o tshabe motho kana ga a itsewe e se naga.” 
Mmamoruti o itharabologetswe a ipona a robaditswe gape mo bolaong jwa ga Fatima. A robatsa mmutla gore ba se lemoge gore o itharabologetswe. E ne e le gone a ntseng a leka go akanya sentle ka tse di diragetseng le go leka go pateletsa tlhaloganyo ya gagwe go dumela gore e ne e le toro fela. Bosigo jotlhe a lala a balabala ka pelo, a ipotsa gore o tla tsoga a lebana jang mo matlhong le mosadimogolo le ngwana wa gagwe. A lala a leka go loga leano la go ngwega, ga pala ka a ne a tlhoka le sentenyana o montsho mo go ene. Ka moso a tsoswa ke mogodungwana wa ga Fatima o o patilweng ke sefatlhego se se edileng se se tletseng monyenyo. O ne a swaba nko go feta molomo fa Boingotlo a tsoga a mo dumedisa le go mmotsa gore o letse jang. O ne a omosediwa metsi a go tlhapa a ba a bona le difitlholo. Letsatsi lotlhe a le tlhola a ikgogonne a le bodutu, a le bosula a sa itse gore o tla atlhama a reng tota mo go Boingotlo. Boingotlo a tlhola a ntse a le boingotlo jaaka leina la gagwe le kaya, a mmuisa o ka re ga go a re sepe. Letshogo le ketsaetsego ya go sa itse gore ba rerile go dira eng ka ena, ke tsona tse di neng tsa mo tlhotlha mafura. Mo maitsiboeng Mmamoruti a ba utlwa ba mo seba: “Fatima ngwanaka, re se itshele bomadimabe ka go mo ikatlholela, re se mmotse sepe tebang le maiteko a go bolaya kgaitsadio. Ke batla gore dibe tsa gagwe di mo je, di mo fetse, di mo phunyakake maroba, di mo ntshe mpaola fa di batla fa di ka tswang teng.” 
Pelafalo a tswirinya molodi wa boitumelo mo gare ga bosigo, a o tswirinya gore dingwe tsa dintšwa di bo di tlhabege; tsa utlwala ka pogolo gore ga di a itumelela molodi oo, “E kabo e se weeeeena; Bomba-Bombastiki” Kana wena o kgeleke tota, o kgeleke le moo e reng le fa motho a go boditse potso e le yosi, o tseye bosigo jotlhe go e fetola. Ka boripana o kaya fela gore ke kgomarele Fatima ke lebale mosadimogolo.” 
Letsatsi le le latelang, ka Labone, fa Pula a ntse a ikaegile ka lebota la dikago kwa sekolong, a utlwa mongwe a mo dumedisa ka leina le e seng la gagwe: “Dumela Frelimo kgotsa o monnawe Frelimo?” Motho yo o dumedisang yoo e ne e le motlhatlheledi Maseko. Maseko a atamela Pula le go mo dumedisa ka seatla pele a mmotsa gore o amana jang le Frelimo. Pula a gakologelwa ka bonakonako gore rraagwe o ne a tle a ba tlotlele gore o ne a bidiwa ka leina leo fa a ne a santse a tshamekela Pimville United Brothers. O ne a tsibogela motlhatlheledi ka go re: “Nna leina la me ke Pula, Frelimo e ne e le Rre.” Maseko a mo tlamparela ka boitumelo pele a re: “Rraago o ne a tshamekela PUBS, kgwele e ne e jewa foo...” O ne a tswelela go rorisa ka moo rraagwe Pula a neng a ja kgwele ka teng. Pula a dirisa tšhono eo go mmegela ka ga tlalelo e a nang le yona. Maseko amega thata a ba a mo solofetsa gore fa a latlha jokwe, o tla tsamaya nae go mo isa kwa mothong yo a eletsang a ka mmona. Ga a ka a tlhalosa gore motho yo o ke mang le gore ke wa eng. Pula a tlala phisego ya go rata go itse gore motho yo ke mang. Se a neng a se rapela fela e ne e le gore e nne motho yo o tla mo thusang ka bonno gore a rekologe mo go Satane yole yo go tweng ke Pelafalo. 
“Go tla nna mo mpaananeng gore motekwane oo, e tla bo e se wa gagwe, e seng Lakabane wa me, leka go batla sekao se sengwe bogolo! Ke wena yo o itseng le go gaisa nna gore Lakabane o e rwala ka tlatlana fa kgwedi e fela! Ao, e tla bo e se Lakabane wa me yo o buang ka ena.” A thikhitha tlhogo ka kgatlhego pele a re: “Lakabane wa me, Lakabane-lak-bi-laka-bee noga tsa metsi, yoo ga se yo o tla bonwang gope ke ope a dira sepe se se tsamayang kwa thoko le molao jaaka go tsamaya a rwelerwele motekwane, kana ka re, e seng Lakabane wa me...” 
Mogaetsho, ngwaga legonnyana o a robega. Leitlho le ne le ise le bonye le go bonya, ke fa go setse go tlhantlhetswe go ipaakanyediwa ditlhatlhobo tsa makgaolakgang. Dikolo naga ka bophara di ne di le mo maemong a a itekanetseng go ka mekamekana le ditlhatlhobo. Ketsaetsego e ne e le fela kwa koletšhekatiso ya borutabana ya Soweto, e e neng e setse e boifisitse ka go ngala ditlhatlhobo. Mmamoruti o ne a rata go ikaba ditsebe ka boka fa a utlwa gore morwadie ke mongwe wa ba ba tshotseng mokgwaro wa go tlhosetsa molelo o wa go ngala ditlhatlhobo. Moruti ene ka kitso ya gagwe ya gore o ka se ikanye ngwana go le kalo, a dumela one magatwegatwe ao mme a simolola go ngongorega. O ne a leka go gakolola mogatse jaaka a kile a mo tlhokomedisa gore mosetsana a ka ne a nnetse go tshameka mantlwane, a sa ithute. O ne a tlhagisa bona bopaki joo mme a re: “Fa e le gore o ipaakantse, gone ke goreng e le mongwe wa ba ba reng go se kwalwe?” Mmamoruti a mo ja nko e sa butswa, a mo kgobotletsa ka mafoko a a galakang, mangwe a one e le ditlhapa tsa seheitene, tse nna le wena re ntseng re ithaya re re ga di itsiwe mo malapeng a seruti. Monna wa Modimo a tšhotlhelela kobo le leswe, a kalametsa mathe a tlhakane le madi, kgodu e khibidu yona ya tsorotlela ka fa gare. 
E ne e le ka sethoboloko, mo letsatsing le le latelang fa Bomba a ikanametse fa tlase ga setlhare sa kwa gaabo, a ipuisetsa lekwalodikgang. Ga tsena Fatima ka sebele, Bomba a ipotsa dipotso di gana go fela. E ne e se tlwaelo gore Fatima a etele Bomba. “Dumela Bomba” 
“Modimo o go segofatse ngwanaka.” E rile gore a ba hularele, Boingotlo a sala a bua le mamphorwana a gagwe a re: “Modimo o segofatse Mmamoruti, gongwe leso la ga mogatse lo mo fetotse pelo.” Motsing o Pula a neng a ipaakanyetsa tsela, Mmamoruti o ne a le teng, a tlhantlhetse a thusa o ka ba wa ithaya wa re ga se mo ga mosadimogolo wa moloi. O se ke wa lebala, kana Pula o ne a ise a ke a gate kwa Gauteng fa e sale e nna ena. “Dithekesi tse di tswang kwa Belekomo, di gorogela mo mmileng o o bidiwang ‘Noord’ go tloga foo o tla tshwara tse di yang kwa yunibesithing ka tlhamalalo, mme fa o sena go ipega, o tla ema mo tseleng eo gore Lerato a tle go go tsaya ka sejanaga sa ga malomaagwe go go isa kwa o yang go nna teng. Tsela­tshweu mosimanyana wa me. Morago ga gore a tswe, Boingotlo a sala a re: “Modimo o segofatse Mmamoruti le kgaitsadie.” 
Mosadimogolo MmaNteso, yole wa go amusa moruti letsele e le lesea, e rile go utlwa pego fela, a lebala sekgopi sa gagwe le ngwetsi mme a bofa merwalo ka mogala a gopola kwa Foreisetata go boloka ngwana e le wa gagwe. Dithulaganyo tsa dirwa ka matsetseleko le botswerere mme moruti a bolokwa ka seriti le tlotlo tse di mo tshwanetseng. Ka fa letlhakoreng le lengwe Fatima le ena o ne a simolola go tlhorisega thata mo motseng. Dipuopuo tsa gore boloi ba ga nkokoaagwe ke bone bo tlhodileng loso lwa moruti, di ne tsa mo pitikisa le lefatshe, tsa mo gamuketsa botlhoko mo pelong. O ne a simolola go ikgogona thata, a nna fela mo ntlong, a ila go bonana le batho. Go tswa ga gagwe fela e ne e le fa a ya kwa laeborari, le teng o ne a sa tsene ka tsela ya batho botlhe, o ne a sutlha legora ka kwa morago gore a tsene ka bokhukhuntshwane. Tsala ya gagwe ya nna dibuka fela, a buisa letsatsi lotlhe moo a neng a sa ele tlhoko gore le go ja o ne a sa je. Molndia. Mosadi yo o ne a apere sarie, moaparo wa basadi ba teng, e le mmala wa namune e na le dibenya fale le fale. O ne a feta a nna fa fatshe go buisa buka e a e tlhophileng. Mosadi yo o ne a didimetse ka gonne o ne a buisa, mme se se gakgamatsang ke gore e ne e re fa Fatima a tsholetsa matlho go mo leba, a mo kgabeletse le ene a mo utswile ka leitlho. Fatima o ne a leka go ipotsa gore e ka bo e le eng se se kgatlhileng mosadi yo ka ga gagwe mme a fitlhela a boditse motho yo se nang karabo. E ne e ka nna ura ya boraro mo tshokologong fa a tswa mo laeborari mme mosadi yole a tswa a mo setse morago. “Dumela tlhe nnaka, o tshedile jang?” E ne e le la ntlha mo botshelong jwa gagwe Fatima a utlwa MoIndia yo o buang Setswana, se se tlhapileng go le kalo. 
“Fatima, sefatlhego sa gago se tlhontse moo ke bonang kutlobotlhoko fela, molato ke eng?” “Pelafalo o ntlogetse, o mphuagantse ka kgetse, a re o iponetse mongwe yo o botoka go nkgaisa kwa Gauteng.” 
Bonolo o ne a fitlha a tlhalosetsa Pelafalo jaaka a tlhatlotse Pula mo dinakeng tsa kukama, a ba a feta a tshitsinya gore a nne le bona malatsinyana fela fa ba santse ba mmatlisa bonno. Pelafalo ga a ka a re sepe, le gale sefatlhego se ne se supa gore ga a kgotsofala. Mo bosigong joo Bonolo o ne a mo alela fa fatshe e le fa a eteleditse mabole kwa pele. Mo gare ga bosigo, fa ba ithaya ba re Pula o thulametse Pelafalo a simolola go ngunanguna le Bonolo a re: “Ke wena o itseng ka moo ke tlhoboganeng le Fatima ka teng mme ke wena gape yo o tlang o rwelerwele mfana yo o mo tlisa fa. A o solofela gore ke mo amogele e tswe o itse sentle gore kgaitsadie o ntirile eng? Akanya sentle monna.” “Bona fa monna, mosimanyana yo ga a na seabe sepe mo tlhoboganong ya gago le kgaitsadie, ke goreng fa o rata go mo tsenya mo dilong tsa lona?” Pula wa batho yo o neng a robaditse mmutla, a utlwa sengwe le sengwe mme pelonyana ya gagwe e e letsamu ya hibila. Go ne go se ka moo a ka dirang ka teng ka gonne e le mokopi. ‘Motsamai o ja noga’ a ipolelela gore o tla itshoka go fitlha a iponna manno a gagwe. “Reetsa fa monna Pelafalo, ke tiba ka tlhako, mosimanyana yo o tla nna fa, o rata kgotsa o sa rate. Kana le wena o gorogile fa o sa itse ope mo Gauteng, wa gorogela mo diatleng tsa me. Jaanong ka gore o setse o itse Gouta o ithaya o re o tla tlhamakanya melao fano, le go ka!” 
Se se tshegisang ke gore ka bobedi ba ne ba sa bolelane nnete fa ba re ba iponetse bakapelo ba bantšhwa, le ga le go ne go siame ka gonne yo mongwe o ne a ithaya a re yo mongwe o bua boammaaruri. Morago ga go baya mogala fa fatshe, Pelafalo a o tsholetsa gape mme mo nakong e a tobetsa dipalo tse di o romelang ka tlhamalalo kwa go mmaagwe: “Mma ke tlhotlhorile kgofa ele e bile ke e tlhalefetse pele e fetsa go nnwa madi.” O ne a bua jalo ka mabela a a ipatelediwang. Mmaagwe a itumela moo a neng a rata go netefatsa gore o tota a tlhalogantse se se kaiwang. O ne a boifa gore ka gongwe a ka dika a binne pele moropa o lela. “Ngwanaka, a ke go tlhaloganya sentle, a se o se kayang ke gore o phuagantse ngwana yole wa moloi?” “Ke raya jalo mma.” “Amen haleluuuuuuuuja! Ke mosimanyana wa me yoo.” MmaPelafalo o ne a tlala boitumelo moo a neng a nanoga ka yona nako eo go ya go nathelana bogobe jo le mongwe yo a mo ikanyang. “Mmamoruti, mosimanyana o sa tswa go nteletsa mogala gone jaanong jaana, ke jaaka o mpona ke tla ke khukhutha le masigo ka ke utlwa gore nka lala ke sa lala fa nka se ka ngathelana le wena bogobe jo.” Mmamoruti a leba kwa le kwa pele a bua: “Bua mosadi, ke dife tse di jesang monate tse o di rweleng?” “Leano la rona le dirile e le tota, ngwanake a re o mo phuagantse ka kgetse. Jaanong go tla latela kgato ya bobedi. O tlhokomedise mosetsana gore jaanong a ikatametse. O ka re ke a bona tlhe mmawena, motsing oo bana ba rona ba kopanyang malapa a mabedi a. Kana motho a tshwana le nna o tshwanetse go nyalelana le batho ba maemo a gago.” Moruti yo ba ntseng ba ithaya ba re o thulametse, a retologa, a kgwa segotlholo fa a lemoga gore jaanong o utlwile go lekane. MmaPelafalo a itshomola jaaka lerumo la tlhobolo, le robadiwang tota a e tlhokela sebaka. Fa MmaPelafalo a sena go tsamaya, moruti a tsena ka mo phaposing ya boitapoloso go tswa ka kwa phaposiborobalo. “Mogatsaka, le tota le swabisa, o ka re ga le basadi ba Batswana. A fa le itse puo ya Motswana e e reng ‘pelo e ja serati’ a bana ba lona ba setse ba fetogile ‘diroboto’, ke dikonopo fela tse di tobeletswang kwa go batlang lona teng?” “Hei, moruti, wena tlhogo ya gago e tletse Beibele fela.” Moruti a mo tsena ganong ka botlhale a re: “Mmaabo, a ke Beibele fa ke re Motswana a re ‘pelo e ja serati’? Akanya sentle tlhee.” E ne e le gone Mmamoruti a elang boeleele jwa gagwe tlhoko, mme jaaka gale a emelela manganga a gagwe: “Ga go kgathalesege, Beibele kgotsa nnyaa! Fa o le motsadi yo o kgatlhegelang ngwana wa gago, gone a tshwanetse wa mmetlela isago e e tsabakelang. Phoso e kae fa Lerato a nyalwa ke Pelafalo? A wena, ga o rate go nna le mokgwanyana wa mmueledi-semolao?” “Mogatsaka, ke a itse e bile ke a tlhaloganya gore lengwe la malatsi gone Lerato o ntse a tshwanetse go ka nyalwa, mme fa e le dithulaganyo tse di laolwang ka taolo ya maitirelo tsone ke a di boifa.” “Rraabo, o dirwa ke go sa tlhaloganye. Pelafalo ke ene monna yo o ratwang ke pelo ya ga Lerato, mosetsanyana yole wa ngwana wa moloi, ke ene a neng a mo eme mo tseleng. A ke ne ke tshwanetse go tlogela fela?” “Ke boifa go bona motsing oo kutlwano eno ya lona e thunyang. Ke rapela Modimo wa me gore o ntseele kwa go one pele ke bona matlhabisaditlhong ao. Nna ke le Jeremia Nteso, ke a rata fa batho ba utlwana, mme fa ba utlwana ka bolotsana gone, ruri ke a boifa. Letsatsi lengwe le tla bo le tebelane ka dilepe mo mebileng letsatsi le penne, go sa tlhole go le monate, dilo di sa tlhole di tsamaya jaaka go rata lona. Fa go nna jalo, la re rona bomorwa Nteso re itshube kae?” 
Mmaagwe Fatima, a sutela motho le nkokoagwe. Boingotlo a tlhola gore o bokgakala bo le bokae pele a buela kwa tlase a re: “Le ene mmaago yo, ba re monna o mo phuagantse ka gonne a mo nyadisitswe ka dipheko, jaaka gale, go ntse go supiwa Boingotlo.” 
Kana go ne go rileng fa mongwe a tla botsa a re: “A mme moruti wa lona o a nwa”? Kana e ne e le dikgang tsa nako mang tse go utlwalang e nnile tsa bofelo tsa gore moruti Nteso a di reetse mo botshelong jwa gagwe? Mmamoruti le ene o ne a na le leina le le neng le tshogane le dirisitswe. Kana ke lefe? Fa e le gore o dumalana le nna gore Mmamoruti e ne e le motho yo mokima, gone a o ka kgona go nopola bobotlana makgetlo a le mabedi mo ntlha e e netefaditsweng teng. 
“Boloi jwa mosadimogolo ke tle ke utlwe ba bo kaya, le gale ga ke ise nke ke utlwe ope yo o netefatsang a re nna moketekete nkile ka mmona a dira sa gore, botlhe ba ke tleng ke utlwe ba mo latofatsa ke ba ba buang dilo tsa bo ‘mogwe wa bosebare sa tsala ya malomaagwe mmaagwe kgaitsadie tsala ya malome a re o utlwile e kete ba re ba bone motho yo o tshwanang le Boingotlo a palame sengwe se se batlileng se tshwana le lefeelo!” Ke tsone ditatofatso tse ke tleng ke di utlwe, mme le wena fa e le gore o motho yo o ratang go bua nnete, ga o ise o ke o tsamaye o rakane le yo o reng ene ka esi o netefatsa gore o bone Boingotlo a dira sa gore gore, mme batho ba teng ba e reng fa ba tla go bua ka ga Boingotlo wa moloi, gone ba bue ba sa kgale mathe ganong.” 
Kana ga se sekeresete go bua jalo e bile ga go a siamela badumedi e ka nna ba tumedi efe kana efe go bua dipuo tsa mothale o. Kana mo Aforika Borwa re na le ditumelo di le dintsi mme re di tlotla ka go tshwana, ke ka moo o nkutlwang ke re go latela tumelo efe kgotsa efe. O buile phoso, segolobogolo jaaka o le Mmamoruti le motho-setšhabeng.” 
 
Kolokoti a botsa a rototse matlho a mahibidu: “Monna Lakabane, e le gore o eleditse nama ya kgoko kgotsa o bua ka eng monna?” “Ga ke a eletsa nama ya kgoko go le kalo, le gale fa e le teng o ka nna wa ntsholela fa e le fa gaufi, fa e le gore e kgakajana gone o se itsape ka gore ke ne ke itirela sekao fela ke bapisa botshelo jwa bana ba baruti le jwa bana ba batho fela. Batho ba le bantsi ga ba itse botshelo jwa bana ba baruti.” “Ee, ke mongwe wa batho bao, re tlhalosetse.” ga bua Kibiti. E rile a re o simolola go tlhalosa, selulafounu ya gagwe ya lela, e ka nna motho a le mongwe fela yo o ka reng: “Lakabaaan, Lakabaaan, Lakabane-lak-bi-lakab noga tsa metsi.” 
Basadi ba babedi bano ba ratana ka gangwe fela mme ba feta ba nna mo tlhageng e e ka fa ntle mo laeboraring. Mo puong ya bona, Fatima Govendor a utlwala a re: “Fatima nnaka, aitsane e rile ke simolola go go bona, ka bona kutlobotlhoko e e senang selekanyo e kwadilwe mo sefatlhegong sa gago, mme ke yone e e nkatameditseng fa go wena. Ka gale fa ke bona motho yo o mo kutlobotlhokong, ke a ikatametsa gore ke kgone go mo gomotsa. Ke dira jalo ka ke itse kutlobotlhoko sentle, ga ke akanye go na le motho mo lefatsheng yo o kileng a nna le kutlobotlhoko jaaka nna. Ga ke akanye go sa ntse go tla nna le yo o tla tlholang a ka nna le e e fetang e ke kileng ka nna le yona, e bile ga ke eletse go ka nna le motho yo o ka itemogelang se ke kileng ka nna mo go sona.” Fatima a kopa MmaGovendor go mo lotlegela ka ga kutlobotlhoko e a fetileng mo go yona. MmaGovendor a leba tshupanako pele a re: “Mogatsake o fetetse kwa Hoopstad ka merero ya tiro, mme o solofeditse go tla go ntsaya ka ura ya bone.” O ne a mo lotlegela jaaka a ne a swelwa ke batsadi a sa le mmotlana mme a godisiwa ke ba losika ka go refosanya. Bangwe ba ne ba mmogisa a ba a inaya naga. La bofelo a ipona a fetogile ngwana wa mo mebileng. E rile a le dingwaga di le somethataro, a iponna tiro kwa lelapeng la ga rre le mme Greenhoff, ba Maesimane. O ne a nna kwa kamoreng e e ka kwa morago mo segotlong sa Maesimane jaaka bommarona ba ne ba ba dira mo metlheng ele e go neng go direlwa basweu fela mo digaising tsa bone. O ne a tswelela go tlhalosa jaaka bathapi ba gagwe ba ne ba setse ba mo tsere jaaka ngwana wa bone ka ba ne ba ba tlhoka. O ne a ba a lotlega tsa motsing ba neng ba tsamaile go jela malatsi a khunologo jaaka lelapa kwa setlhakatlhakeng sa ‘Mauritius’. 
Bomba a, thikhitha tlhogo pele a re: “Pela monna, o mongwe wa batho ba ba ikopisang tlhogo ka bomo. A ga o lemoge fa mmaago tiro ya gagwe a e weditse mo go wena? A ga a dira tiro le bone boikarabelo jwa gagwe ka go go godisa ke jaaka o le monna jaana gompieno?” “Ke a lemoga tlhee, monna.” “Go ya ka nna, o tshwanetse wa tlhamalalela kwa pele, o lebe botshelo mo matlhong, o itseele ditshwetso tsa gago jaaka monna. Kana ga o mo tlalelong ya go nna le mmê ka gonne ene o na le ene, o rata kgotsa o sa rate. Tlalelo e o leng mo go yona ke ya go nna le molekane. Tlhokomela gore pelo e ja serati monna! Kana mosadi yo o tla mo nyalang o tla tshwanelwa ke go nna wa pelo ya gago ke ena a tla ikarabelang mo bonneng jwa gago. Mmaago o ne a ikarabela mo bosimaneng jwa gago.” 
“Mmawena, e ne e le la ntlha ke palama sefofane, e le la ntlha ke tswela ka kwa ntle ga naga ya gaetsho e bile e le la ntlha ke utlwa monate wa botshelo.” O ne a tswelela go tlhalosa gore rraagwe le mmaagwe ba ne ba nna mo phaposing e nngwe mme ena ba mo hiretse ya gagwe a le nosi kwa thoko mo hoteleng e e neng e bidiwa Lecoco Beach. Fatima o ne a reeditse ka tlhoafalo le kgatlhego fa wa MoIndia a ntse a mo lotlegela ka tsa maitemogelo a gagwe a botshelo. “Mosimanyana yo o neng a atisa go phepafatsa phaposi ya me a bidiwa Ravi. Ravi yo, o ne a na le go nteba ka kgatlhego fela e kete o ša dibaki. Mo phaposing e e neng e bapile le ya me, go ne go na le lekau la seithati lona le bidiwa Fernando. Fernando o ne a tlhaga kwa Potokisi, e le motho yo montle jo ke neng ke simolola go bo bona segolobogolo mo monneng. Monyenyo wa gagwe fa a nteba o ne o tlhaolosa pelo ya me mme lentswe la gagwe lona le roba motho ditokololo fa a bua. Fa o mo leba ka tlhamalalo gona, o ne o iphitlhela o atlhame e kete motho o gakilwe ke sengwe. Mmawena, ke ne ke mo rata ka me yotlhe. Bosigo gona, ke ne ke lala ke khidiega, ke gadikega ke balabala ka ga gagwe mme ke retelelwe ke go robala.” Fatima wa mosetsanyana a itseela kgang yotlhe e ka setshwantsho sa semowa, a sekaseka lerato le a utlwang le kaiwa le la gagwe le Pelafalo yo le ene a neng a mo rata fela jalo mme jaanong maloba e le maabane. MmaGovendor a tswelela: “Go re tsere malatsi a le mabedi fela ke fa re setse re le mathe le leleme, re le selo se le sengwe, re ja tlhogo ya tshwene mmogo. “Ka simolola go natefelwa ke botshelo tlhe mmawena. Go boela kwano gae e le selo se se neng se se na manno mo tlhaloganyong ya me.” 
Ka lentswe le le roromang, Mmamoruti a goa a re: “Moruti wa me, moruti wa me ke kopa maitshwarelo tlhe mogatsaka, intshwarele mo ditshiamololong tsotlhe tse ke di dirileng, ke a go rapela tlhe rra.” 
“Ijaa-jaa! ke lefatshe le, tsa teng ga di tlhaloganngwe.” Moruti a ipuela a le esi fa a sena go fitlha kwa gae. “Ke tota ke sa siama e le ruri, ke gone ke iponang gore ke bosula go le kae. Ke rapela gore motho yo o dirileng se se bolelwang e se nne ngwanake, mme tota ke ne ke batla e nne wa ga mang? A ke motsadi yo mongwe yo ena a tshwanetseng go utlwa botlhoko jo nna ke bo boifang. Le gale ga se nna fela, batho ba lefatshe re ntse fela jalo, re bosula. Naare ke itshwenyetsang e bile nna ke a itsamaela, ga nkitla ke nnela dikgobo tse. Batho ga ba kitla ba lebala gore ngwanake o beleseditswe kwa sekolong ka ntlha ya maitseo a a kwa tlase, ngwana e le wa moruti. Yo mongwe ene o bonyabonya ka fa morago ga ditshipitshipi tse di tshabegang tsa kgolegelo ka ntlha ya maitsholo a a swabisang, a a isang motsadi le naga. Mmaabo le ene o tsere e nngwe tsela, le yona e ntse e ntsenya matlho a batho.” Fa a sena go bua mafoko a, morwa Nteso a fofela piano e a neng a e tshameka ka sewelo. Sefatlhego se ne se tlhontse, menwana e relela ka bokgeleke le maatlametlo a a sa ipatelediweng. E ne e relela jalo mo marapong a tse di suleng. Ditlhaa le tsone di ne di sa salela kwa morago. O ne a kgwa ka bothakga a ntse a re “O a betsa e bile o a fodisa . . .” Morago ga o a betsa, a latela ka “ke na le Rara kwa legodimong...” O ne a sa tlhole a ikutlwa jaaka motho wa lefatshe le le ka kwano fa a ntse a re “Ke tla ya kae, fa e se kwa go Rara.” Moruti o ne a setse a ipona a le kwa lefatsheng la tshepiso jaanong. O ne tlhoafaletse kgoro ya legodimo mme e le gone a ipotsang gore tota o ne a ntse a itietse eng mo lefatsheng leno le le tlhokang tshiamo le kutlwano. Dikeledi tsa simolola go itirela boithatelo, tsa elela le sefatlhego sa monna wa Modimo fa a ne a simolola go etsa moswi Jim Reeves fa a ne a re ”Before I die.” 
Pelafalo o ne a ntse a dumela ka go nota tlhogo fela, go supa fa a dumalana le Bomba. Bomba a tswelela: “Go a gakgamatsa ka moo batsadi ba dirang dilo tsa bona ka teng mo malatsing ano. Ruri ba tota ba sa re dirile sentle.” “O raya jang?” “Ke raya sentle, a kere malobanyana fa, ga ke bue dilo tsa bogologolo, ka re malobanyana fa re ne re le kwa gaeno re ja moletlo. A o santse o gakologelwa gore e ne e le moletlo wa eng?” 
Bana ba ne ba setse ba godile. Fatima e ne e le lekgarebe la bogolo jwa dingwaga di le somerobongwe fa Pula e ne e le lekolwane la dingwaga di le somesupa. Ba ne ba nna le nkoko wa bona ka gonne rraabona a ne a ba phuagantse fela, a itlhaoletse go inaya lefatshe. Mmaabona o ne a dira kwa dikitšhining tsa Belekomo mme a ba bona gangwe mo kgweding. Le fa Fatima a ne a le mogolwane ka matsalo, ka dithuto ba ne ba lekana jaaka ba ne ba mekamekane le mophato wa marematlou mmogo. Mo Sontageng se, mosadimogolo Boingotlo o ne a ntse mo sofeng le fa e ne e se manobonobo jaaka ya kwa moseja wa mmila, a ga se kwa ga Nteso? O ne a repile, a thakgaletse, a le kwa ga mothakga, go se letsapa le mo fisang pelo, a sa kgopisege ka gope fa Pula a ne a tlhantlhetse a mmotsa gore go tla jang gore a se ke a tshwenyega fa batho ba re o a loa. “Pula ngwanaka, ga ke loe, fa nkabo ke loa, wena le kgaitsadio le ka bo le sa bolo go lemoga gore go na le sengwe se se phoso kgotsa se se sa tlwaelesegang ka gore le dula le nna mo ntlong.” Pula o ne a na le tumelo e e tletseng ya gore tsotlhe tse ga se nnete. Se se neng se mo ja ke gore ke ka ntlha ya eng batho ba tlhaotse go mo tladika ka maswe ao le gore ena o dira jang gore kgang e, e se ke ya mo tshwenya. “Pula ngwanaka, go tloga gompieno o ithute go se itshwenye ka batho ba ba buang bosula ka ga gago ka gonne ya bo e le bona ba ba nang le matshwenyego ka ga gago. Wena o itlwaetse fela go se bue bosula ka ope o tle o bone jaaka o tla itshelela ka kagiso. Gone jaanong, ke a itse gore go na le batho ba le bantsi ba ba nkitseng ka go loa, mme ga go le fa a le mongwe wa bona yo a ka tlang ka bosupi le fa e le jo bokananyana jwa gore ke bonwe ke loa mang, kae, leng, jang. Selo sengwe se se ntswelang molemo ka kgang e, ke gore fa batho ba re o a loa ba tshamekela kgakajana nao, ba boifa le go go kgopisa ka ba re o tla ba dirakanya dilo.” Kgang e ya simolola go rothela mo bobokong jwa ga Pula, a lemoga gore go na le pharologano e e kana kang fa o le selo se batho ba se kayang le fa batho ba go phara ka sona fela. Mosadimogolo a tswelela, a ntse a keketega ka ditshego: “Se se mpolaisang ditshego le go feta ke gore tota le Mmamoruti fa le, ke mongwe wa batho ba ba nkitseng ka boloi mme fa a tla go araba mogala, o kgona go tsenelela ka kwa phaposing e e kwa teng, a bo a tswa a sa tlhagelwa ke sepe.” 
Moruti Nteso e ne e le molwetse yo o lwalang a ntse a tsamaya. O ne a bolawa ke malwetse a semphato seraro e bong pelo, sukiri le kgatelelo e e kwa mankalengkaleng ya madi. Ka jalo o ne a sa tshwanelwa go aga a utlwa dikgang tse di utlwisang botlhoko. Ba ba itseng botlhoko joo go gaisa nna le wena, ba re go tle go diragale gore bo fitlhe mo maemong a gore motho wa teng a gapelesege go itlhaba ka lomao letsatsi le letsatsi. Bana ba gagwe go fitlha mo mokgapheng o ba ne ba santse ba itshotse sentle kgotsa re ka re rraabo a itse jalo, ba ise ba ke ba dire sepe se se ka tsogang se etegeleditse rraabone ditlhabi. O ne a ipela ka bona tota. Lakabane jaaka re itsisitswe, e ne e le mongwe wa borramelemo ba ba tlhageletseng ka magetla kwa Thabantsho. Lerato ene o ne a ithutela borutabana kwa koletšhekatiso ya Soweto. Mmamoruti o ne a na le bokoa jwa go tlotlomatsa bana ba gagwe thata mo godimo ga bana ba batho ba bangwe, a lebala fa go tle go twe ‘o se bone kgori go rakalala godimo go ya tlase ke ga yona’. O ne a ba dimofatsa thata moo a neng a sa tlhokomele gore o ba direla kgogedi e e seng monate. Ka gale e ne e tle e re fa moruti a re o leka go mo gakolola, a mo fetole ka mabela a re: “Kana fa o le motsadi mme bana ba gago ba go tlotla ka ditiro le maitsholo o tshwanetse wa dira eng, o didimale fela? A ke phoso fa motho a ipela ka bana o ba tsetse?” 
Mafoko a a latelang a ne a buiwa ke mang mo kgang e o sa tswang go e buisa: i. 	“Dumela ngwana wa moloi” ii. 	“Ke kopa maitshwarelo fa ke go tlhapaditse ke re o moloi” iii. “Ba gago ba ba nang le maitsholo ba kae mo sebakeng seno?” iv.  “Ga ke itse gore ke selekwa ke dijo kgotsa ke  moapei wa tsona”.  v.  “Mmawena, ke ne ke mo rata” .  vi.  “Mosimane wa gagwe ke yo o mo tlalelong”.  vii.  Lo se okomele se se mo teng tlhe ke a lo rapela.  viii. “E re o tshwatshwaeditswe ngwanaka tlhe, ke a go rapela”. ix. 	“Ke mmatla a le matsatsankotsanko, ke batla ba mo dire mpaola”. x. 	“Le gale fa o sa tlhole o mmatla o se mo latlhele kwa thothobolong, o mo latlhele mo sehubeng sa me”. 
“Ee, ke gakologelwa sentle, moletlo o le o jeleng kwa gae e ne e le wa letsatsi la me la matsalo.” “Ke a itse, kana o ne o fetsa dingwaga di le kae?” 
“Ahee! ke gone ke tlhaloganyang papiso e le ya gago ya dikgogo.” Ke Kolokoti yoo. 
Fatima wa mosetsanyana o ne a reeditse ka tlhoafalo, a galela maina-ka-ena, e kete le ena a ka bo a kile a nna le maitemogelo a bolelwang. Yo o nang nae a tswelela: “Letsatsi pele ga re boela gae, motho wa me a mpha mpho e e neng e phuthetswe ka sephuthelo sa mekgabiso ya malomo a a mebalabala. Sephuthelo seo se ne se ka lekana le letlojana lwa mokgwaro ka bonnye. O ne a nkopa ka boikokobetso gore ke se ke ka bula mpho e pele ke fitlha kwa gae. Ka bolawa ke magalamasuge a go rata go bona se se mo teng mme ka kgona go itshoka, ka raelesega mme ka fenya, ka kgona go nna pelotelele. Re ne ra tsoga re palama phefo go boela gae ka le le latelang. Diura di le nne tse re di fofileng, mo go nna ya bo e kete dingwaga ka ke ne ke fela pelo gore re tla fitlha leng, ke fete ke bule mpho ya me.” “Sa ntlha fela fa o goroga kwa phaposing ya gago e nnile go e bula ke a itse, le nna jaanong ke fela pelo go utlwa gore e ne e na le eng ka mo gare.” Fatima yo mogolwane a re tswee! Matlho a gagwe a gelela dikeledi. A ubuga gape, a lebega jaaka motho a bona selo se se kgakala. A bonala jaaka motho wa maikutlo a a ileng le naga, a thikhitha tlhogo pele a ka re: “Ee nnaka, ke ne ka e bula” a thikhitha tlhogo gape “ke ne ka e bula mme ka idibala.” “Wa idibala? E le gore go na le eng ka mo gare?” Mo boemong jwa go mo araba ka molomo, a tsenya seatla mo kgetsaneng a ntsha mpho e a ntseng a bua ka yona. E ne e le letlojana la bonnye jwa go lekana le la mokgwaro le betlilwe ka logong ka matsetseleko a ke iseng ke a bone, modiro wa lone o ne o tshwana sentle le wa lekese la baswi mme mo godimo ga sekhurumelo le takilwe sefapaano. “Tshwara o iponele ka a gago matlho, ke eo mpho e ke neng ka e fiwa ke Fernando. Fernando yo ke mo ratileng ka pelo le mowa otlhe wa me.” 
“Mma, ke dirile eng?” “Ke molelo wa selo mang o ke tshamekang ka ona?” “Ngwanaka, motse otlhe wa Monyakeng o na le kitso ya gore o sianakaka le Fatima, gape ona motse o, o itse fa mosadimogolo Boingotlo a di titiela, e le moporofesara wa tsona.” 
Bomba a fetola jaaka motho o ka re o ntse a solofetse potso ya mothale oo, “A o raya ka ga boloi jwa gagwe?” Pelafalo a okaoka, pele a dumela ka tlhogo. O ne a itse sentle gore ga se ga Bomba go ja modikologa fa potso e tlhamaletsele le gale go ne go diega go tlwaelega gore go na le motho yo o jalo. “Ke raya jalo Bombas”. 
Malatsinyana fela morago ga foo, mmamoruti a amogela kitsiso ya gore mosetsana o beleseditswe. Fa a boa kwa mogaleng, a inanatha a batla mabakanyana a go fora moruti ka gore ke ka ntlha ya eng mosetsana a tla gae. Moruti a lemoga ka bonako gore fa gone o a tsiediwa, a mo tlhaba ka matlho a a hibidisitsweng ke kgalefo pele a re: “O beleseditswe a ke re?” “Nna ke tla e tlamparela ka fa bogaleng, ga ke na ngwana yo o tla kgarakgadiwang jaaka lekgalagadi! Ka moso ke tsoga ke phakelela gone kwa Gauteng koo, ba tla nkitse sentle!” Moruti a leka go mo iletsa, le gale a tlhokomela ka bonako gore maiteko a gagwe a tlile go itaya sefoletse jaaka tlhobolo ya boijane. Ka gale e ne e tle e re fa mogatse a tshameketse sentle mo metsing e bile a tsentse mmele mo dikataneng tsa marata-go-lejwa, moruti o ne a tle a mo utswe ka letlhabaphefo jaaka a tswa ka tsela ya segotlo pele a re: “Se gate mmampitla wa me.” 
Moruti a mo leba ka monyenyo o o tletseng kgalo pele a tlaleletsa a re: “Dilakabane dilakabibi, dinoga tsa kwa nokeng.” “Ga ke kgathalele gore o mmitsa jang, fela o sala go nna wa me yoo.” Moruti a tswelela “Mmaetsho, wa itse o nkgaotse leleme ke ise ke fetse go le dirisa. Sekao se sa me se maleba tota, yone Lakabane eo ya gago, lakabilakabibi eo ya gago, ga ke itse le go se etsa selo seo sa gago. Ke raya ene morwao yo o mo ikantseng. Ke dumalana nao gore motekwane e ka nna wa motho yo o pegilweng, se se botlhoko ke gore batho bone fa ba di lotlega ga ba kitla ba di baya jalo, ga ba kitla ba re mongwe jaana yo o sa itseweng o tshwerwe ka motekwane. Se ba yang go se eteletsa kwa pele ke leina la me.” Ba ile gore Lakabane Nteso wa rramelemo, morwa moruti Nteso, ga go ka moo leina la me le ka efogang go tladikwa ka seretse. A hupa galase ya metsi go se nene pele a tswelela, “Go ntse jalo ka gale fa o buetse ruri ka bana ba gago,o rata batho go bua ka bone. Sebe sa phiri ke gore fa motho a dirile bontle batho ba bua bone bontle boo fela; ga ba kgabise ka bontle jo bo feteletseng; mme fa o dirile bosula gone ba tla kgabisa gore go sale go le mebalabala jaaka tšhese e thuntse ka dikgakologo.” Mmamoruti a mo tlhokela puo sebakanyana. Moruti a tswelela: “A ga o itse gore bana ba otlhaiwa ka ntlha ya maleo a batsadi ba bone?” O tota o sa buise Beibele mmaabo gonne fa o ne o dira jalo o ka bo o itse kwa ntle ga go bolelelwa. Mmamoruti a thunya ka lentswe le le tletseng tšhakgalo a re: “Wena ke mang yo o kileng a go otlhaya ka ntata ya maleo a ga mmaago?” Go ne go setse go kgabagantse dikgwedi di le mmalwa moruti a feleleditse go utlwa mogatse a mmuisa ka mafega jalo, o ne a setse a batla a lebetse le gore kana o nyetse mosadi wa tshôbolo, a gakologelwa ka bonako: “Mosadi, o a bo o simolola, mme o kile a leofela mang?” A ke re ke wena o tlhoileng mme o mo tlhoetse go go kgalema, a kgala yona mekgwa e ya gago ya go ithorisa thata le go dimofatsa bana ba gago. Gone jaanong e bile o rutile le bona bana ba gago gore mme ga a siama.” “Ke ba rutile leng? Ke ba rutile leng? O se ke wa nkwela godimo, ga ke...!” “Ga se nna Nteso ke tla go gakololang gore o ba rutile leng, potso eo ya gago e ka fetolwa ke wena ka nosi fa o ka ntlhalosetsa gore fa mme a nna kwa Klipspruit mme Lerato a tsena sekolo kwa Soweto, go tla jang gore a se nne le nkokoagwe? O bone go le botoka gore ngwana a nne kwa matlong a difolete tsa madi a mantsintsi? O mo reile wa re mme o ntse jang?” Mmamoruti a tlhoka molomo ntswa a o rwele. 
Go tloga ka motsi o morwa Nteso a hularetseng lefatshe le le ka kwano, ya nna semphete ke go fete kwa gagwe. Batho e le ba ba thibang letsatsi kwa lapeng la gagwe. Batho ba nyeuma, go se fa motho a ka gatang teng. Go le batho ba methalethale, ba bangwe e le ba losika, fa ba bangwe e le ba kereke, bangwe e le bathusi fela ba baithaopi fa bontsintsi e ne e le bomaratahelele, diphuduhudu tse di thamotelele tse di ka dikang di batilwe ke melamu e sa di lebana. Maikutlo a phuthego eo ya batho le ona a ne a farologane. Ba bangwe ba dumela fa moruti o sule leso la Modimo, ba bangwe ba re ke bolwetse, fa bontsi bo ne bo dirisa tshupatshupa-baloi ya bona jaaka leina la yone le kaya. Kwa ga mosadimogolo Boingotlo, ga tsoga ketsaetsego. Mosadimogolo o ne a simolola go amogela megala e e boifisang le go mo tlhapatsa seheitene tota, go twe ke ena a itseng se se dirageletseng moruti. Baletsi botlhe e ne e le ba ba mo latofatsang ka gore o na le seabe mo lesong la ga moruti. Ba bangwe ba ne ba boifisa ka gore ba tla maula ntlo ya gagwe ka molelo. E ne e re fa a ntse a le nosi kgotsa a na le bana ba gagwe fela, o ne o ka mo utlwa a ngongorega a re: “Naare Nteso o ntekelang? Ke tshelwa ke madi a kgofa e le fa ke dirile eng tota? Kana go utlwisa botlhoka jang fa motho a itse gore ga a na molato, mme lefatshe lotlhe lona le go lebile ka matlho a mahibidu a tatofatso.” 
“Ga ke Pela wa gago nna, feta o ye go bolelela Bomba gore ga a botlhale go nkgaisa, o bo o mmolelele gore o ntse o le esele ya me malatsi a le mabedi le masigo a one.” Fatima a tlala dikgapha matlhong pele a re: “A ke one mokgwa o o siameng wa gago...” Pelafalo a mo tsena ganong ka mafega: “O itse eng ka mekgwa e e siameng o le ngwana wa moloi? Ga ke itse le gore o santse o letile eng fa, ‘tsamaya o ye gaeno, o tloge fa, a e ye!” Fatima wa batho a phuthaphutha a boela gae. Fa a le mo thekesing, batho ba ne ba gakgamatswa ke go mmona a tshega a le nosi. Go bonala gore go na le sengwe se se mo kgotsofaditseng le fa Pelafalo ene a ne a sa rate a ka mmona a itumetse. Foo gone ke a ikana, ke ba me jaanong, le nna ke tla dira se ke se ratang ka bona, kana go tle go twe, o se tshege yo o weleng gonne maraledi a sale kwa pele, ra tla utlwa kwa teng... 
Lakabane a tswelela: “Le gale ga se bana ba baruti botlhe kgotsa bommabaruti botlhe ba ba jalo. ‘Auleidi’ o na le mokgwa o wa go re dimofatsa thata mme seno se re bakela kgatelelo e e sa tlhokegeng.” 
Mo malatsing a se kae, Labakane o ne a kile a tla kwa go rraagwe mme a mmolelela gore o buisitse Beibele yotlhe, mme rraagwe a ka mmotsa sengwe le sengwe go netefatsa seo. Mo boemong jwa go mmotsa potso e e tswang mo Beibeleng, a mmotsa ka meriri e e ntseng e le malepelepe e ka gore tumalano e ne e le gore le yone e segwe. Lakabane o ne a kile a mo fetola ka botlhale jo bo sa solofelwang a re: “Yona Beibele e o rileng ke e buise, ke yone e nthutileng gore meriri e meleele ke selo se se siameng kgotsa ke nopole boMoshe, Samsone le Absalome? A o itse gore meriri ya bone e ne e ntse jang?” 
Fatima wa mosetsanyana a gakwa ke mafoko e tswe a batla go botsa potso: “Ke mpho ya mofuta mang e? Gone e kaya eng, a o ka ntlhalosetsa?” “E bule o tla iponela karabo.” O ne a e bula mme a batla a idibala ka nosi fa a latlhela matlho mo go se se ka mo teng. Go ne go na le pampitshana e tshweu, e e kwadilweng ka makgethe ka setlanyi. Ditlhaka tsa teng di le bohibidu jwa madi mme molaetsa o buisega ka gore: “Tsela e, ga e sa tlhole e tswelela pele Fatima moratiwa wa me ka gonne go tloga jaanong o na le twatsi ya HIV/ AIDS.” Fatima wa mosetsanyana a tlhoka molomo a ntse a o rwele, a gaelelwa ke puo e tswe a ne a e itse ka bokgeleke, yo mogolwane a ipipa sefatlhego ka diatla. Go ne go sa tlhokege gore a ka mmotsa gore o ne a ikutlwa jang fa a lebane le molaetsa o o jalo mo matlhong, o ne a kgona go ikakanyetsa fela jaaka nna le wena. “A o ne a bua nnete tota?” “Mmawena, wena ga o itse sepe. Ke ne ka fetsa dibeke di le pedi ke itlhoile, ke sa ithate, ke itshisimoga, ke itena, ke ipotsa gore kana ke ne ke tsenwe ke eng gore ke wele mo mathateng a a kanakana. Ka simolola go ikgogona le go tswa mo bathong ka ntlha ya se se njang ka mo teng, ka bopama.” “Go ne ga diragala eng morago ga dibeke di le pedi?” “Mme le rre ba ne ba kgona go lemoga gore ga ke sa tlhole ke le ngwana yole wa bona yo ba mo itseng, ba bo ba nkisa kwa ngakeng kgatlhano le maikutlo a me.” MmaGovendor a ntsha setshegonyana pele a botsa a re: “A o a itse gore ngaka e ba neng ba nkisa kwa go yone e ne e le mang?” “A mme ke motho yo nna nka mo itseng?” “Ke Faruk Govendor, yo e leng mogatsake gompieno. E ne e le motho yo o siameng thata, a itse puo e e rotloetsang. Ke ne ka kgona go mmolelela sengwe le sengwe, fela ka se ka ka mo supetsa letlojana le. O motho wa ntlha go bona letlojana le. O ne a ntsaya madi mme a a romela kwa baitseanapeng. O ne a neela letlha la go tla go tsaya dipholo tsa boitekanelo jwa me. Se e ne ya nna khupamarama ya rona fela re le babedi.” Fatima wa mosetsanyana a sala a maketse, a lebile yo mogolwane fela mo matlhong. Yo mogolwane a tswelela: “Motsing o ke neng ke ya go tsaya dipholo, mangole a ne a gana go rwala mmele wa me. Faruk a nkgatlhantsha ka monyenyo a santse a tsena fela kwa kgorong, a nteba mme a re: ‘Negative’, a ntlamparela, ka bo ka kgona go utlwa le pelo ya gagwe fa e betsa tota. Ka lela selelo se ke iseng ke ko ke se lele mo botshelong jwa me. A ntlamparela gape mme a nnaya legetla la gagwe go lelela mo go lona. Jasana ya gagwe e tshweu ya tiro yona, ka e dirakanya dilo ka dikeledi. Mmawena, ke ne ke sa dumele se ke se utlwang, tšhono ya bobedi ya botshelo!” “O ne o ikutlwa jang jaanong fa o setse o itse maemo a gago a pholo?” “Ke ne ke ikutlwa e kete ke ne ke sule mme ke tsogile mo baswing. Go tloga motsing oo, ngaka Govendor a aga mo go nna, a se tloge mo ditorong tsa me. E ne e kete ke ene yo o nneileng tšhono e ya bobedi, ke mmona jaaka mothatayotlhe mme ke ipotsa gangwe le gape gore ke tla mo leboga ka eng.” “Jaanong o ne wa feleletsa o mo diretse eng?” “Ka letsatsi lengwe ke ntse ke itsamaela mo toropong, ka mmona. Le ena a mpona mme ya nna ena yo o ntumedisang pele, a mpotsa gore go ntse go tsamaya jang ka botshelo. Ka mo itekodisetsa ka boikanyego jotlhe jo ke neng ke na le jona ka nako eo go supa ditebogo tsa me.” “O ne a reng, a ko o mpolele tlhe? 
 
‘Rre X’ ga a ka a kgotsofalela tshwetso ya ditsala tsa gagwe ya go mo kganela ka a ne a ipona a dira se se matshwanedi jaaka monna. O ne a sa bone tshiamololo epe fa a ka ba ja basadi ba ba dirang dilo tse di maswe jaaka tse, ga ba a tshwanelwa go tlogelwa fela go twe go tshabiwa molao. Le fa go ntse jalo, mongwe wa ditsala tsa gagwe a mo lemosa ka moo molao o dirang ka teng, segolo mo malatsing a segompieno. A mo tlhokomedisa gore, ka dinako dingwe o ka iphitlhela o bonwe molato e tswe o ne o re o dira bontle. A mo lemosa gape gore, ledi lengwe le lengwe le na le difatlhego di le pedi. Kwa bofelong, ‘Rre X’ a tlelwa ke kgopolo e e botlhale, a ntsha selulafounu ya gagwe ya botegeniki jo bo kwa godimo, e e kgonang go tsaya ditshwantsho tsa mmala o o tlhakileng e le tota. A ba tleketla ka khemera fa ba ntse ba nnetse mabole jalo. Morago a tobetsa dinomoro tsa megala ya babegadikgang botlhe ba a neng a kgona go ba fitlhelela. Jaaka manong a utlwetse setoto, ka ponyo ya leitlho ke fa babega­dikgang ba setse ba re palakata ka ditlamelwana tsa bone tse ba di ikantseng. Ba ne ba emetse seyalemowa, bangwe ba tlhaga kwa makwalodikgang a le mabedi kgotsa mararo. Magatwe a re le ba thelebišene tota ba ne ba sa salela kwa morago. Letsatsi le le latelang, ba tsoga ba tlhageletse mo tsebeng e e ka kwa ntle ya lekwalodikgang la letsatsi le letsatsi, e leina la yone le santseng le nkgakile mo sebakeng seno. Ka ditlhaka tse dintsho tse di nonneng sentle, go ne go kwadilwe go twe “DItLHong tsA gAgo DI KAe MMAMoRUtI?”. Tota e ne e le a mabedi ka gore le lengwe lona le ne le rile “MMAMoRUtI KgotsA MMAntWA?” Ka bobedi makwalodikgang a, a ne a ngoketswe ke setshwantsho se se tlhagisitseng mo mekaloba e e kgokolosanang mo seretseng jaaka dikolobe. Jeremia Nteso le kwa a robetseng, o robetse a tlogetse nnete kwa morago. E ne e le gone mogatse a e bonang mme go setse go le thari ka gore se monna wa Modimo a neng a leka go se mo lemosa, o ne a se lemogile lomapo lo setse lo le mo tsebeng. Kana Nteso o ne a tlhola a buile gore fa o le motho­setšhabeng, bosula jwa gago bo tlhagelela ga masome-a-supa kwa godimo ga jwa batho fela. Lekgotla la kereke la mmiletsa kwa pitsong mme ga go a le tsaya nako ya sepe go fitlhelela ntlhakgolo ya kopano ka gore kgang ya gagwe e ne e na le bopaki jo bo feletseng, jo bo senang bana ba phefo, bo ne bo iponelwa ka matlho. Kana go ne go sa kgonege gore a ka iphemela kgatlhanong le tsheko e e mo lebaneng ka bopaki bo ne bo bonwe go ralala naga yotlhe. Mmamoruti a phuthaphutha a sa gadima kwa morago. Gape o ne a ka se gadime sepe ka gore go ne go se sepe sa gagwe se a neng a se tlogela kwa morago. E ne ya nna gore a tlhokomele gore tse di ipitsang ka ene mo ntlong, ke diaparo tsa gagwe fela. Difenitšhara, dijana le tse dingwe tsotlhe e ne e le tsa kereke mme o ne a tshwanelwa ke go di lesa di ntse fela jalo. O ne a simolola go katela diaparo ka mo dikgetsaneng tse dintsho tsa matlakala, a lela sa masisapelo. Fa a sena go di dira mebotwana jalo, a nyekanyekana le tsona go tswa ka segotlo. O ne a tswa ka segotlo sa ntlo ya kereke la bofelo mme e sa tlhole e le Mmamoruti, go itshaletse leina fela. 
Bagasi ba Setswana ba ne ba re reta mo go tlhatswang pelo ba re: ‘Bana ba ba tswang masimong a matala, bana ba ba kileng ba titiela Mmamokoto’. Re ne re apara botala mme re sa fenngwe pele phala ya bofelo e lela. Jaanong, ka letsatsi lengwe ga tlhopiwa setlhopha sa ‘SA Black Xl...” “Black eng?” “Ga ke go tshwae phoso mosimanyana wa me, kana o belegwe ka ngwaga ofe?” “Ka l987 rra.” “Ga ke go tshwae phoso le e seng kana dilo tse ga le di itse, bana ba gompieno. Fano re bua ka 97. Metlheng eo, re ne re tshameka kgwele ya rona kwa, mme ba basweu le bone ba tshamekela ya bone kwa thoko, le gale go a itumedisa ka gore tseo di fetile. Jaanong, go tswa kwa setlhopheng sa rona, go ne go tlhophilwe nna, Frelimo e bong rraago le rraagwe mosimanyana yole, kana ba re ke mang? O tshamekela Pirates mo sebakeng se mosimanyana wa teng. Naare leina la gagwe le nkgakelang. Ke tla le le gakalogelwa kgantele. Motsing oo re neng re tshameka le ba ba neng ba tlhaga kwa moseja mme ba bidiwa ‘UK All Stars’ motshameko wa teng o tshamekelwa ka fa mabaleng a ‘Orlando’ ka fa.” Pula o ne a reeditse ka tlhoafalo le ka kgatlhego e kgolo. Maikutlo a gagwe a ne a setse a mo rutile gore o tlile mo mothong yo o tla mo amogelang ka diatla tsoopedi. Shoes a thadisetsa mosimane ka ga kgwele e rraagwe a neng a e mmopela ka go tlhoka bopelotshetlha mme ena sa gagwe ya nna go e atlantsha le letloa. O ne a tlhalosa fa batsomi ba talente go tswa kwa Amerika, ba ne ba le gone mme ba ne ba kgatlhwa thata ke nno eo. “Ba ne ba e tshwantsha le e ba reng e kile ya nosiwa ke ‘Puskase’ ka 953 a le kwa setediamong sa Wembley. Nna tota ke ne ke sa kgatlhwa ke tsela e ke nositseng nno eo ka yone, kgangkgolo e ne e le tsela e Frelimo a e bopileng ka teng. Ke e bone fela e setse e le mo dinaong tsa me, rraago o ne a sa ikgopolele mosimanyana wa me. O ne a itse gore kgwele ke motshameko wa setlhopha. “Banna ba MaAmerika ba ne ba dira dithulaganyo tsa gore ke ye go tshameka kwa teng. E rile ke tloga, ka bolelela rraago gore ke utlwa go twe kwa Amerika go tshamekelwa madi a a olelwang ka ditlatlana. Ke ne ka mo solofetsa gore motsing oo ke boang, ke tla mo direla selo se segolo thata, sengwe se a se kitlang a se lebala. Kae koo? Motsing ke boang ka fitlhela setlhopha se thubegile mme rraago e le mongwe wa ba ba tseneng ka lenga la seloko, le gompieno ke santse ke re fa nka mmona a tlhagelela ka fa, ke tla se mo direla.” Maseko yo ka nako yotlhe a neng a ntse a rokile molomo, a tswa puo: “Se direle mosimanyana wa gagwe ke yo, o mo tlalelong. Ke jaaka ke mo tlisitse kwano go wena. O tlhola o ntlhodiile ka gore o eletsa go direla Frelimo se segolo, dirisa tšhono eo mo mosimaneng wa gagwe ke yo. Pula a tlhadisetsa rre yo ka ga maemo a a sa jeseng di welang a o iphitlhelang a le mo go ona. Kwa ntle le go okaoka, a bolelela Pula gore o tla mo naya bonno jo bo sa duelelweng mo ntlong ya gagwe go fitlha a weditse dithuto tsa gagwe. Boitumelo jwa ngwana wa batho ba penologa, ope a se tlhole a re ka moso, koloi ya tswa ka ponyo ya leitlho go ya go tsaya merwalonyana ya gagwe. O ne a sebela kgaitsadie gore o bone bonno jo bo jesang tse di itumedisang, manobonobo a ena a iseng a ko a a bone. Fatima ga a ka a dira seo se wena mmadi o setseng o se akantse. Ga a ka a ineelela le kgaitsadie, o ne a lala kwa ga Mphahlele fela jaaka maabane. Mo mosong wa le le latelang a tsoga a botsa Pelafalo: “Pela wa me, a o santse o nthata?” 
Fa a sena go inanatha jalo, a baya mogala fa fatshe mme Lakabane a leba ditsala tsa gagwe ka tenego e e seng kana ka sepe, pele a re: “Ke mosadimogolo, o mpolelela ka moo ke sa tshwanelang go apara dijini le diteki ka teng ka gonne ga di a siamela motho wa maemo a me. Akanya fela, ke yona tsela e motho o godisitsweng ka yona ya go tlhola a ikgamile ka dithai, nna jaanong di ntapisitse. Ke tshwanelo gore motho a tshwanelane le batho ba a tsamayang le bona.” 
Jaanong fa go ka diragala gore a swele fano gone...” “Sššš, se buele kwa godimo o kae motho wa rona ga a ise a thulamele.” ‘Sigo joo a lala a sa bo bona boroko. A khidiega, a balabala ka pelo a ntse a re: “Naare ke ne ke tsenwe ke eng, naare ke ne ke tsenwe ke eng tota?” Letshanyana la boroko la mo fitlhela mme a tlelwa ke toro. Mo torong a ipona a apaere dikata tse di mantabolatabola tse di tlhabisang ditlhong. Di le leswe moo di neng di phatsima, di mmolaisa dinta tse a neng a leka go di runa mme a sa kgone. E rile a santse a leka go ithuna dinta jalo, a bona bana ba bogolo jwa palogare ya dingwaga di ka nna lesome mme le ka palo ba ka nna lesome. Bana bano ba ne ba opela e bile ba bina ka botswerere jo bo tseisang manya. Le fa ba ne ba opela ka maatlametlo jalo, mafoko a kopelo ya bone a ne a sa wele A lo a mmona. Yelele!!! A lo a mmona. Yelele...” 
Mo Sontageng o le wa gore Pelafalo a buledise Fatima, o ne a batla a bua sengwe se se sa jeseng monate fela a kgona go itshwara. Kana ke eng se a neng a batla a se bua? Kana e nnile mang motho wa ntlha wa go leba Fatima mo matlhong le go mmolelela fa e le ngwana wa moloi? A o santse o gakologelwa gore Fatima o ne a rakana kae le motho yoo? Go sengwe se Fatima a neng a se tlhoboga gore a somarele seriti sa gagwe. A o ka se bolela? Fatima e ne e ntse e se motho yo o ratang go tlalatlala fela go nnile le sengwe se se neng sa dira gore a ikgogone, a iphitlhele batho. Re thadisetse ka ga sona. Go dilo di le mmalwa tse di neng tsa ngokela Fatima Govendor kwa go Fatima wa ga Boingotlo. Neela di le pedinyana fela. Leina la ga mogatsa Fatima Govendor e ne e le mang. Rre yo o ne a dira tiro ya mofuta mang? Fatima Govendor e ne e le MoIndia fela se se gakgamatsang ka ene ke gore o ne a itse le go bua Setswana sentle. O se ithutile kae, bolela. Ka popego o ka tlhalosa Fatima Govendor e le motho yo o jang? 0. Ka botho gone o ka re o ne a ntse jang? . A o ka tlhalosa ka boripana mokgwa o Fatima Govendor a godileng ka one? 2. A o santse o gakologelwa lelapa le Fatima Govendor a neng a le direla? 3. Fatima Govendor o rile o simolotse go direla lelapa leo a le bogolo jwa dingwaga di le kae? 
“Ee, dumela mma.” “Ke solofela fa o ntse o itshwere jaaka ke go itse ngwanaka, borokgwe bo ntse bo le motshetshe wa go kgaola ntsi le diphuka tsa yona...” 
Fatima Govendor a nyenya pele a re “Mogatsake e bong Faruk Govendor, o dirile sebaka se se leele kwa bookelong jwa Moroka kwa Thabantsho, ke gone kwa re ithutileng Setswana teng.” “Ga jaana le nna kae?” “Re nna kwa Durban, re ne ra tlogela Thabantsho morago ga go belega mawelana a a sa tlwaelegang.” “Mawelana a a sa tlwaelegang ke a a ntseng jang?” “Ke kgang e telele tota, ga o kitla o e tlhaloganya ka bonako. Ke tla go e lotlegela ka nako e nngwe, kgotsa o ka e ipuisetsa ka gonne go mongwe yo o neng a kwala buka ka ga ona. Ke yona buka e ke neng ke e tshotse e le.” 
Ga garela mosadimogolo. Mma, ke dumalana nao ka botlalo.” Ke mmaagwe Fatima yoo. Boingotlo ene jaaka gale, o ne a ntse a sa ikopise tlhogo ka ditlontlokwane tse. O ne a simolola go opela ntse a re: “Mosadi fa e se mmago le ka metsi a ka go fisa mme ntshware ke a robega ga ke robege ke mabela....” 
Pelafalo a leba mmaagwe ka kakabalo, a sa tlhaloganye gore go diragetse eng se se tlhokang gore a e tlamparele ka foo. “Mma, a go diragetse sengwe se se phoso? Tota go diragetse eng?” “Ngwanaka, ga nkitla ke go lesa o wela ka bodiba ke bo lebile, ga se nna ke tla didimalang fela le fa ngwanake a tshameka ka molelo.” 
Ka a ne a sa kgone go ba tshwara fa a ba tebala a ba konopa ka matlapa a seheitane a re: “Bana ba ga Satane, ga lo na maitseo. E rile a sena go rialo, segakolodi sa gagwe sa re a lebe kwa morago mme a bona moruti a mo utlwa a mmotsa potso a re: “Ba gago ba ba nang le maitseo ba kae? Ba kae mo sebakeng seno ba gago ba ba nang le maitseo?” 
“Go dira jalo ke go ikwetsa fela ka lengope, kana setso fa e se sa gago, o tla aga o dirakaka diphoso.” 
Pelafalo a ntsha setshegwana, o ne a utlwa fela gore seo ke motlae le fa a ne a sa tlhaloganye gore ke motlae wa mofuta mang ka gore a ne a tletse boitumelo. Bosigong joo a lala a bo bone boroko. 
“A o ne o bua rraabo?” “Ee, ke ne ke bua mme e seng go bua fela, tota ke ne ke rata, go go kgala tebang le puo e ke go utlwileng o e bua malobanyana fa mme e se la ntlha ke go utlwa o e bua. 
Tsholofetso ga e tlhabise ditlhong. E rile Maseko a latlha jokwe, a tsaya Pula go ya nae kwa ‘Protea North’. Ntlo e ba neng ba fitlha mo go yone, e ne e le ya maemo a a kwa godimo moo Pula wa batho a neng a ba a ikutlwa e le mmotlana go gata lefelo le le ntseng jalo. Rre wa foo e ne e le monna wa Motswana, Pula o ne a sa dumele. E rile ba leba mo tseleng e e tsenang mo jarateng, mong wa ntlo a bo a setse a lemogile koloi ya ga Maseko mme a ikatametsa “Bricks!” ga goa mong wa ntlo: “Ao ‘Dancing Shoes’ bona gore ke tsamaya le mang.” “Mong wa ntlo a atamela sejanaga, a leba Pula o ka re o rata go mo gakologelwa: “Frelimo! Nnyaa, Frelimo a ka se nne kana, o mang wena o tshwanang le Frelimo jaana?” “Ke ngwana wa gagwe.” E le lantlha mo dingwageng tse di utlwalang, Pula a ikutlwa a ipela ka rraagwe. Ka boitumelo jo bo senang bothibo, ‘Dancing Shoes’ a tlamparela Pula pele a re: “Jirrrr jong, ga ke itse gore nka reng’ tlang re nneng kwa tlase ga setlhare kwa gore ke utlwe gore la re go diragala eng totatota. O a itse e kete ke a lora: “Thandi, re tlisetse senotsididi foo!” Banna ba bararo ba nna ka fa tlase ga setlhare. Go ne go tlotla Dancing shoes fela. A itumetse la go itumela.O ne a ba lotlegela ka moo a tshelang botshelo jwa manobonobo ka gone, mme a e ritela ka go tlhalosa gore ke ka ntata ya rraagwe Pula gore a bo a le mo maemong ao. Pula a botsa: “E le gore Rre o go thusitse jang gore o tshele botshelo jo bo manobonobo jaana?” “Reetsa fa wena Frelimonyana, re ne re tshamekela Pimville United Brothers. Baemanokeng ba rona ba ne ba re rorisa ba re re bo The Skom Boys’. 
Mmamoruti o ne a le botlhale thata moo a neng a tlhaloganya sentle gore fa o batla go ja motho o bo o mo sadisa ka monwana o mogolo fela, gone ga o a tshwanela ke go mo supetsa meno a ntšwa. O tshwanetse go itira meno-masweu polaya e tshega tota. Ka jalo o ne a itira yo o kgatlhegelang sengwe le sengwe se se amanang le mosadimogolo Boingotlo. Ka fa letlhakoreng le lengwe Pula ena a ngata mophato wa marematlou ka dinaledi mme a ikaelela go ya kwa Gauteng go ya go tsweletsa dithuto tsa gagwe. Se a neng a sa se rulaganya ke bonno. Ke gone foo boPortia Nteso ba neng ba bona phatlha ya go tsweletsa mokgaphe wa bona. Ba dirisa tšhono e go kgwa botlhole jo bo ntseng bo agile mo teng ga bona. Mmamoruti o ne a tlhaga a le mo setshwantshong sa motho a eleletsa Pula bontle. O ne a bo a ithaopa a re: “Mme Boingotlo, aitsane kgaitsadiake o nna le mogatse ba le babedi fela kwa Pimville, ga ba na bana, ke tla go tswela maoto, ke kopele Pula bonno kwa go bona.” “Kana kgaitsadio, o raya...” “Nkgonne, yole wa logatadima, yo moleele yo o neng a le gone fano ka sejanaga sa mabaibai ka motsi wa phitlho.” “Nnyaa, ke a mmona motho wa gaetsho.” “Mme Boingotlo, lesa sengwe le sengwe mo tlhogong e ya me, ke tla baakanyetsa Pula sengwe le sengwe.” 
O ne a ise a nne mo mokgapheng wa go neela badimo marapo go kokona fa a tla utlwa mongwe a kokota mojako: “Mmangwana o tshwara thipa ka fa bogaleng, Pelafalo wa me.” 
Morago ga malatsinyana a se kae, ga diragala gore ditsala tsa ga Lakabane di mo etele kwa a nnang gone. Ya re ba santse ba itisitse, ga tla gore Lakabane a ye kwa ntlwaneng mme a tlogele mogala wa gagwe mo sofeng. Kibiti yo o neng a rata metlae e bile a itse le go etsisa mantswe a batho, a tsholetsa mogala ka maikaelelo a go dira metlae fela, a itira e kete ke ena Lakabane. Mmamoruti a bua masaikategang a sa lemoge gore o ntse a sa bue le mong wa mogala. E rile a tswa kwa ntlwaneng, a fitlhela ditsala tsa gagwe di fetogile, di le bodutu, di le mo leba ka mabifi, segolobogolo Kibiti yo o neng a ngamotse dinko e kete tsa pitse ya mabelo ka ntata ya kgalefo. A leka go botsa gore go diragetse eng mme a tingwa puo, a tewa fela ga twe ga go sepe. E rile a ntse a re o a ba sala morago ka se se diragetseng, Kibiti a raya Kolokoti a re: “Monna, a re tsamaye.” Mo tseleng a tlhalosetsa Kolokoti ka botlalo: “Mosadimogolo yole wa go swa a re o utlwa ka podi ya tsela gore mothaka yo wa gagwe o tsamaya le di-eng-eng-dikolobe-di-eng-eng. O re biditse ka mainaina a a tlhapatsang mme o tla duelela matlhapa ao ka mamina le dikeledi. Ke tla mo ruta batho nna ka gonne ene o paletswe ke go ithuta botho. Go mpontsha fa a ikaya e le motho a le nosi le balelapa la gagwe, ga a ise a bone motlholo.” Kolokoti le ena o ne a utlwile botlhoko thata fa a utlwa mainaina, a ba biditsweng ka ona. Monna re tla tshwanelwa go loga leano la go utlwisa mosadimogolo yole botlhoko jo re sa mo ntsheng madi. E le gore o bona re ka mo dira eng monna?” “Nna ke akanya gore re mo utlwise botlhoko ka ene ngwana yo wa gagwe yo a ikgantshang ka ene fela ga ke itse gore re ka dira seo jang?” “Ke na le leano. A re batle mongwe wa basetsana ba le, ke raya Dora kgotsa Ouma, mongwe wa bone a mo khurumetse ka leru.” “Eheeee, o ka re o a bua tsala. O tla welwa ke torio mme mmaagwe o tla lela botlhokotlhoko.” 
“Mmaetsho, kana ga ke nyatse fa o ipela ka bana e le ba gago, le nna ke ntse jaana ke ntse ke ipela ka bona, se ke sa se itumeleleng ke go ema mo marakanelong a ditsela ga gago, o letse serankure se se modumo o mogolo o raya batho o re: “tsialala, ngwanake o dirile sa goregore se se itumedisang” kana fa o dira jalo, o tla patelesega gore le motsing o ba dirileng se se tlhabisang ditlhong, o itsise setšhaba fela jalo. Fa o sa bolelele batho ka ga tse di maswe tse bana ba gago ba di dirileng, ntswa o ba tlwaeditse, gone ba tla ipolelela mme se ba tla se ipolelelang, se ka nna se se feteleditsweng, o tlhokomele mmaabo.” Mmamoruti jaaka gale, o ne a lebile mogatse fela ka matlho a a sa bontsheng maikutlo, le fa nna le wena re itse sentle gore o ne a sa dumalane le tse moruti a ntseng a di bua. Moruti le ena o ne a itse gore jaaka gale, mogatse o a bo a sa dumalane nae, jaaka a ne a bona go le botoka go namela pele. “Gone jaanong, Lakabane ke morwaarona yo re mo ikanyang bobe, mme seo ga se reye gore a ka se pege motho mo sejanageng sa gagwe mme ya re ba fitlha mo maparegong a ditsela, maphodisa a ba phuruphutse mme go fitlhelwe motekwane kgotsa sengwe sa mothale oo mo sejanageng sa gagwe. 
Motsing oo, a neng a tsoga a ya Gauteng, moruti a itsapa le go mo okomela ka ba ne ba sena go refosanya a a kabang ditsebe. Tota moruti o ne a sa rate a ya koo, le gale pelo ya mmamoruti e ne e setse e fetogile lentswetshipi. Pelo ya moruti e ne ya thelela pele a boifisa a re: “Fa e le gore o tla ya kwa Gauteng eo ya gago kgatlhanong le maikutlo a me, gone o itse gore o ipiletsa bomadimabe. O tla welwa ke maru ka tatelano mme ka moso wa bo o re o loilwe.” “Moperesita, a ga o rere go ikgotsofatsa kwa kerekeng? Thiboga nna ke tsamaye.” O ne a bua jalo a kgarametsa moruti ka mafega a a sa tlwaelegang. Lentswe la moruti la roroma go se nene pele a boifisa: “Nna o tla fitlhela ke fudugile, o tla fitlhela ke sa tlhole ke dula fa.” 
“A o tla lesa go ja modikologa mme o tle mo ntlheng? Kana nna ke buile dilo di le dintsi maloba le maabane, ke tla itse jang se o se tshwaileng ka pene e khibidu?” Moruti a tlatsa mosi ka mafatlha, a o betsa ka dinko pele a re: “Ke bua ka ga boloi jo ke go utlwileng ka tsa me tse pedi o latofatsa mosadimogolo Boingotlo ka bona, kana ga go a siama, ga go a siamela badumedi go tsamaya ba ngongorega ka dilo tse di sa reng sepe jaaka boloi. Mosadimogolo yoo wa Modimo ke mmona ka leitlho le lengwe, ke mmona e le motho fela yo o itshiametseng, yo o sa kgweng le nxa le motho. Ke mo tlhaloganya botoka ka gore re amogela mogala kwa ga gagwe. A o akanya gore fa e kabo e le motho yo o bosula go le kalo, o ne a ka re letla go amogela megala kwa ga gagwe, le gone ka kwa phaposing e e kwa teng, ya borobalo? Nna ruri go tla ntsaya dingwaga di le makgolokgolo go bona boloi jo lo bo bonang mo mosadimogolong yo wa batho. Mmamoruti a tlhoka puo, ga mo tsaya metsotso e le mmalwa a ntse a leka go kgobokanya mafoko a go fetola mogatse. Morago ga sebaka se se sa fediseng pelo, a re: “Mogatsaka, o ka re ga o a ntlhaloganya. Kana ke ne ke sa re mosadimogolo o a loa. Ke ne ke re batho ba re o a loa.” “Mme fa e le gore ke batho ba reng jalo, wena wa reng?” “Nna ka re, re le batho re nne re ntshitse matlho mo dinameng.” 
“Se a nang naso, ke se ba bantsi ba se tlhokang. O na le botho. O na le maitsholo le molao mo ntlong ya gagwe, gape ga se motho yo o tlalatlalang le mebila a eta a akga leleme. Kana fa motho a feta mme le sa itse gore le ka kgwathana menwana ka ene le mmuamua, le mo tladika ka sengwe le sengwe fela se se gaufi, le tla re o a ikgantsha, o a ikgopolela kgotsa o a loa. Tseo tsotlhe di tsalwa ke tlhaka ya tshele fa e le babela. Ga ke tlhaloganye gore batho ba lefatshe tota le ntse jang. Motho yo o senang sekgopi le batho ga le mo kgatlhegele, le tsamaya le mo tladika, ke raya go mo tlamuka ka maswe otlhe.” “Rraabo, kana ke ne ke sa rate re ka ngangisana ka kgang e. A maikutlo a gago e nne a gago, a me e nne a me.” “Go siame, fela o tlhokomele gore a gago a se go wetse kwa moleteng o o fisang, o mang le mang a sa batleng go ipona kwa go ona.” mathe le leleme, o ka re monwana le lonala, e ne e le baji ba tshwene mme ba ratana la o ka swa nka go ja. 
A se bona se a neng a sa tshwanelwa ke go se bona. O ne a fitlhela letlojana le le betlilweng ka kota go etsa e kete ke lekese lwa baswi, mo sekhurumelong le takilwe sefapaano. O ne a le bula mme a fitlhela molaetsa o o neng wa sadisa mangole a gagwe a le borepurepu fa sethitho sona se elela ka mokwatla wa gagwe. Mmele otlhe wa gagwe wa tetesela. “Tsela e fitlha fa moratiwa Fatima, go tloga gompieno o na le twatsi ya HIV/AIDS.” E ne e le molaetsa o o mo letlojaneng. Pelafalo a mo leba ka kelotlhoko pele a mmotsa: “Molato ke eng mosadi? O reng o pumpunyega sethitho o ka re o bone sepoko jaana?” Lerato ga a ka a kgona go mo fetola ka puo. Se a neng a se kgona ya nna go mo phaphaila ka logofi la dira-ga-di-bonwe, a mo tanya ka mabole, a tlhoka boitaolo, a mo ratha ka tlhogo gore kgodu e khibidu e elele mo diaparong tsa gagwe. A mo kakata lerama ka meno gore Pelafalo a bo a tlhabe mokgosi. Lerato a wela 
Le ene fa a itharabologelwa, a tobetsa dinomoro tse di romelang mogala mo ntlong e e mabapi mme a ba kopa ka tsweetswee gore ba mmiletse mmaagwe ka gore e le kgang ya leso le botshelo. Fa mmaagwe a tsholetsa mogala, Lerato a botsa ka tlhamalalo fela a re: “Mma, ke goreng tota fa o ne o ntira jaana?” “Ke dirile eng nnana wa me?” 
Bonolo o ne a bua ka matlho a a tsabakelang kgalefo e e kgatlhanong le semelo sa gagwe. Kae koo, Pelafalo a mo timola bogale ka bonolo le gone: “Go siame, go tla tsamaya nna’, mme o tlhokomele gore ke itsamaela le ka fenitšhara ya me. Ke go tlogela le tshegaingate yo o se nang sepe yo mo ntlong e e lolea e.” “A e nne modiga tlhe kgosi ya gaetsho, go siame mosimanyana ga a kitla a nna le rona fa e le gore go kgatlhanong le maikutlo le thato ya gago...” 
Kakabalo e e bonagetseng mo sefatlhegong sa ga Pelafalo e ne e santse e saletse fa a botsa: “Mma, e le fa nkoko Boingotlo o titiela eng, ke eng se o reng ke moporofesara wa sona?” “A ruri ga o itse sepe kgotsa o itlhaoletse go itshela moriti o o tsididi ngwanaka?” “Go itshela moriti o o tsididi, ga se Pelafalo yoo, ga ke itse gore o buang ka ga eng, ke batla go itse gore nkoko Boingotlo o titiela eng se e bileng e leng moporofesara wa sona.” “Ke moporofesara wa folaing-sekwata ngwanaka, ke mongwe wa ba ba namelang mafeelo thete e ralala ba eta ba tsamaya dikhonforense tse di tsitsibanyang mmele.” “Mma, fa e le gore o bua ka gore nkoko Boingotlo o a loa, gone o gatisetsa fela mo go se ke setseng ke se utlwile makgetlo a sena palo, mme ga ke se dumele le e seng. Ke itheile ka re gongwe o tlile go bua sengwenyana se se ntšhwa, sengwe se ke simololang go se utlwa. Kana le fa go ka tlhagelela bosupi jo bo feletseng jwa gore mosadimogolo o tota a loa, ga ke bone ka moo go ka nkamang ka teng. Nna ga ke ratane le ene ke ratana le Fatima.” MmaPelafalo ga a ka a rata thefosano eo ya mafoko, le gale ka ntata ya go tlhoka bosupi jo bo feletseng, jo bo mo mpaananeng tebang le go loa ga mosadimogolo, a itlhaolela go e ritela ka a a reng: “Go sa le monate ga jaana go sa nkutlwelele, go itirela boithatelo o ka re ga o ngwana ke mo tsetse. Fa o setse o le mo tlalelong e e se nang bothibo gona, o se ka wa bo wa tla go nkatlhamela.” Morago ga fao, a tswa, a thubaganya setswalo ka mafega moo dipota tsotlhe tsa ntlo di neng tsa ikoma go phatlhoga. Pelafalo o ne a itheile a re go tshwara boroko e tla nna tiro e e bonolo jaaka gale. Kae koo? A lala a rototse matlho, a itsalantse le merubisi, a menoga a khidiega o ka re seboko se memerwe ke ditshoswane. La bofelo a tsaya tshwetso ya gore a nne ka marago mo bolaong mme a simolole go ja marapo a tlhogo. O ne a itse kwa ntle ga go ranolelwa gore jaanong o fitlhile mo ditsela di aroganang teng mme o tshwanelwa ke go itlhaolela e le yosi fela. O ne a patelesega go tlhopha mmaagwe yo o mo tsetseng, yo o mo godisitseng ka pepetletso le lerato lotlhe kgotsa mosetsana yo o ratwang ke pelo ya gagwe, mosadi wa isago ya gagwe. O ne a akanya ka ga tsela e mmaagwe a e mo tsamaisitseng go tloga boseeng go fitlha gompieno a setse a ipona e le monnanyana yo ka moso a tla tsogang a ya kwa yunibesithi. O ne a akanya ka mo gongwe a ka bong a sa fitlhelela tse a di fitlheletseng fa e ka bo e se ka matsapa a ga mmaagwe. Ka mo letlhakoreng le lengwe a akanya ka ga isago ya gagwe e a ikaelelang go e baya mo diatleng tsa ga Fatima. O ne a setse a ithutile Fatima sentle e bile a itse gore ka moso o tla mo tswela mosadi-tia. O ne a tlelwa ke kakanyo ya go ba rata ba le babedi jaaka o ka re ga go diragale sepe, le gale a tlhokomela ka bonako gore go dira jalo ke go ijesa dijo tsa ditoro fa e le gore bobedi joo jona ga bo utlwane. Ga go a ka ga gakgamatsa fa letlhabaphefo la kwa gaabo Bomba tsala ya gagwe ya go tshega le go tlhonama, le kokotwa thete e ralala. “Ke mang jaanong mo gare ga masigo jaana?” “Bomba, ke nna. Ke Pelafalo e bile ke nna fela nka go tsosang mo gare ga mpa ya bosigo jaana.” 
“Lengwe la malatsi a o tla tshwanelwa ke go tshwenyega.” Ke Fatima yoo. 
Fa a fitlha mo tseleng, a tsielega, a ipotsa gore a ka itlhophela ntlha efe ya tshupantlha. E ne ya nna gone a simololang go lemoga gore ga a na ba lesika mo Foreisitata. Ba ne ba seyo gotlhelele ba ba amanang le ene ka madi le ka kgomo. O ne a tlalatlala le mebila a apaapa, a sa itse gore a ka tsena kwa ga mang yo o sa bonang lokwalodikgang. Batho ba ne ba mo sisimoga. Ba ne ba mmitsakaka ka maina fa a re o atamela matlo a bona. O ne o ka bona fa a re o atamela ntlo e e rileng, go tswalelwe setswalo ka bonako go twe, “Tswalang ka bonako Mmadifeisi ke yoo”. Bangwe ba ne ba mmitsa Mantwa ya Sumo fa bogolo bo ne bo mmitsa Mantwa wa go ka lwa le dipôô’. E ne ya nna gone a lemogang gore fa motho o le mo tlalelong, ga go motho yo o go kgatlhegelang le yo o go kgathalelang. O ne a ipotsa gore go feletse kae ka bomme ba le ba merapelo ba e neng e tle e re fa a bua mo phuthegong, o utlwe ba mo thelela lošalaba ba ntse ba re “Seo ke ntlha tota” le fa a ntse a bua dilo tse di sa siamang. Pelo ya gagwe ya hibila fa a lemoga gore bangwe ba bona ke bona ba gompieno ba mo sisimogang le go mmitsakaka maina. Letsatsi le ne la be la wela ka kgala ya bophirima a nnetse go ebelakaka jalo le mebila. Kwa bofelong a gakologelwa gore kana ba kwa ga Boingotlo ga ba itse gore o ba tlhoile. O ne a itse gore ga go yo o kileng a ba tsibosa ka ga dithulaganyo tsa go lobela Pula dintsi. Ka jalo, a fetsa le maikutlo a gagwe gore a fapogele kwa teng go latsa tlhogo. Mosadimogolo a mo amogela ka diatla tsoopedi tse a nang natso. O ne a alelwa mo kamoreng ya ga Fatima, e ne ngwana yo o a neng a mmona e le wa moloi mme e ka se nne ngwetsi ya gagwe. Fatima a ithaopa go robala mo mosemeng gore a sutele mogolo. A nna lesego tota ka gonne o ne a bo a lala a bone le diyamaleng tota. Gone mo bosigong joo, Pula o ne a jetse ditsala dingwe tsa gagwe tse di o neng a ithuta le tsona kwa yunibesithing ya 
Lakabane o ne a itheile a re o tla itsamaela bonolo fela. O ne a ka itsamaela bonolo fa e ka bo e le mo mothong yo mongwe, mme e seng mo go Nteso. O ne a kile a tsholetsa mafatlha, a tletse kgalefo pele a mo araba a re: “Ke a itse gore meriri ya bone e ne e ntse jang, ke itse le gore ga ba ise ba ke ba adingwe dijanaga ke borraabo, jaanong wena o ntswela kae ka meriri e e ditlhotho mme o batla go kgweetsa sejanaga sa me?” 
Pula a palelwa ke go itshwara jaanong, a tswa mo dikobong mme a tla a phophotha diatla mo go Pelafalo: “Nkgonne, ke kopa gore o se ke wa nkoba tlhe, ke a rapela. Ke tla dira sengwe le sengwe se o se ntaelang. Ke tla nna esele ya gago. Ke tla dira sengwe le sengwe kwa ntle ga go ngongorega ka gope. Pelafalo a mo leba jaaka e kete o lebile kabetla ya nama e e bokanetsweng ke dintsi pele a mo garumela a re: “Go siame robala, re tla bua ka moso.” Ka moso, ke raya ka Labobedi, Pelafalo a tsoga a naya Pula taolo e a neng a sa e solofela le e seng. 
“Fa e le gore kitso ya me ya dipalo ga e ntatlhe, gone ke setse ke go boditse potso e le yosi makgetlo a le mararo mme ke solofetse karabo e le yosi fela, motlholo ke gore ke tlhaela yona karabo eo fela.” 
