Dipuo
Puo ya Gae
LEFAPHA LA THUTO
KITSISO GO MMADI
Lefapha la Thuto le motlotlo go tlhagisa Kemo e e Tlhabolotsweng e, ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba Dikereiti R - 9 (Dikolo), ka dipuo tsotlhe di le 11 tsa semmuso tsa Aforika Borwa.
Tiragalo ya go ranolela le go fetolela ke e e matswakabele le e e gwetlhang.Mo mabakeng a le mantsi, mareo le mmuo wa kharikhulamo o ne o tshwanetse go bopiwa ke batho ba ba neng ba dira ka dibukana tse. Dibukana tse, di lekeleditswe mo badirising ba bomankge mo maphateng a a farologaneng.
Lefapha la Thuto le tsaya dibukana tse jaaka tshimologo ya tiragalo ya go nonotsha le go tsweletsa dipuo tsa rona. Re amogela le go rotloetsa badirisi ba dibukana tse, go di dirisa jaaka motheo wa tswelelopele e e tswelelang.
MOKGWA WA GO DIRISA BUKA E
Go bona tshedimosetso ya kakaretso leba:
Kitsiso ya Kemo ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba mo Kgaolong 1- se, se tla neelana ka tshedimosetso ka ga Thuto-tota-dipoelo, Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba ya Dikereiti R-9 (Dikolo), le Manaanethuto;
Kitsiso ya Dikarolothuto mo Kgaolong 1 - Se, se tla neelana ka matseno go Ditlhagiso tsa Dikarolothuto go akaretsa le dipharologantsho, botlhamo le Dipoelothuto;
Tlhatlhobo ya Moithuti - Kgaolo e, e neelana ka ga dikaelo go ditheo tsa tlhatlhobo mo Thutong-tota dipoelo, e tlotla ka ga tlhatlhobo e e tswelelang, le go neelana ka dikao tsa go tshola direkoto;
Lenaane la Metswedi le neelana ka bobedi jwa Lenaanefoko la kakaretso la Kharikhulamo le Tlhatlhobo mmogo le Lenaanefoko le le kgethegileng la Karolothuto.
Mmele wa buka e, o kgaogantswe ka dikgaolo di le mmalwa. Go na kgaolo e le nngwe mo Dikgatong dingwe le dingwe tsa Sekgamu sa Thuto-Kakaretso le Katiso, e bong - Kgato ya Motheo, Kgato ya Magareng, Kgato e Kgolo. Nngwe le nngwe ya dikgaolo tse, e na le karolo ya matseno a makhutshwane, e e latelwang ke Dielo tsa Tlhatlhobo tsa Kgato. Go na gape le kgaolo ka ga tlhatlhobo ya moithuti.
Dielo tsa Tlhatlhobo tsa Kgato nngwe le nngwe di tlhagisiwa ka mokgwa o o kgontshang go latela tatelano. Se, se raya gore Dielo tsa Tlhatlhobo tse di tshwanang mo kereiting nngwe le nngwe di bapantswe gore morutabana a kgone go bapisa tatelano mo tsamaong ya dingwaga. Se, se ka tlhola diphatlha felo gongwe, ka ntlha ya fa Seelo sengwe le sengwe sa Tlhatlhobo se ka seke sa nna le le se se ka bapisiwang le sona, mo Kereiting nngwe le nngwe.
Dikai-tshwantsho dingwe di a dirisiwa go ralala buka e, go kaela mmuisi go bona tshedimosetso e a e tlhokang. Dikai-tshwantsho tse ke:
Dielo tsa Tlhatlhobo
Kereiti
Dipoelothuto.
KITSISO YA KEMO KHARIKHULAMO YA BOSETŠHABA 1
Thuto-tota-Dipoelo 1 Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba: Ditlhagiso tsa Dikarolothuto 2 Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba: Manaanethuto 3
KITSISO YA KAROLOTHUTO YA DIPUO - SETSWANA 4
Thanolo 4 Mokgwa wa Tlaleletso o o isang go Dipuodintsi 4 Puo ya go ithuta le go ruta 5 Maikaelelo 5 Diponagalo tse di kgethegileng le boatlhamo 6
DIPOELOTHUTO TSA DIPUO 6
KGAOLO 2: KGATO YA MOTHEO (DIKEREITI R-3)
MATSENO 11
Tsepamiso 11 Tlhabololo ya Puo: Tiragalo e e tsamayang ka iketlo 11 Molebo wa Tekatekano go Tlhabololo ya go buisa le go kwala 11 Go agelela mo Kitsong 12 Thotloetso ya go Ikatisa 12 Tomaganyo ya Dipoelothuto 12
DIPOELOTHUTO 12
Poelothuto 1: Go reetsa 12 Poelothuto 2: Go bua 13 Poelothuto 3: Go buisa le go bogela 13 Poelothuto 4: Go kwala 13 Poelothuto 5: Go akanya le go batla mabaka 13 Poelothuto 6: Popegopuo le tiriso 14
DIELO TSA TLHATLHOBO LE MERABA 14
DIELO TSA TLHATLHOBO LE MERABA YA KEREITI YA R 15
Meraba e e Tshikhinngwang 15 Poelothuto 1: Go reetsa 16 Poelothuto 2: Go bua 17 Poelothuto 3: Go buisa le go bogela 18 Poelothuto 4: Go kwala 20 Poelothuto 5: Go akanya le go batla mabaka 21 Poelothuto 6: Popegopuo le tiriso 22
DIELO TSA TLHATLHOBO LE MERABA YA DIKEREITI TSA 1 - 3 23 Meraba e e Tshikhinngwang 23 Poelothuto 1: Go reetsa 26 Poelothuto 2: Go bua 30 Poelothuto 3: Go buisa le go bogela 34 Poelothuto 4: Go kwala 44 Poelothuto 5: Go akanya le go batla mabaka 52 Poelothuto 6: Popegopuo le tiriso 56
KGAOLO 3: KGATO YA MAGARENG (DIKEREITI 4 - 6)
MATSENO 63
Tsepamiso 63 Mefuta e e farologaneg ya meraba 63 Ditiro tsa go ithuta tse di lomaganeng 63 Diteng tsa mefutafuta tse di anameng. 64
DIPOELOTHUTO 64
Poelothuto 1: Go reetsa 64 Poelothuto 2: Go bua 64 Poelothuto 3: Go buisa le go bogela 64 Poelothuto 4: Go kwala 65 Poelothuto 5: Go akanya le go batla mabaka 65 Poelothuto 6: Popegopuo le tiriso 65
DIELO TSA TLHATLHOBO MERABA YA KEREITI YA 4 - 6 66
Meraba e e Tshikhinngwang 66 Poelothuto 1: Go reetsa 72 Poelothuto 2: Go bua 76 Poelothuto 3: Go buisa le go bogela 82 Poelothuto 4: Go kwala 90 Poelothuto 5: Go akanya le go batla mabaka 96 Poelothuto 6: Popegopuo le tiriso 100
MATSENO 105
Tsepamiso 105
DIPOELOTHUTO 106
Poelothuto 1: Go reetsa 106 Poelothuto 2: Go bua 106 Poelothuto 3: Go buisa le go bogela 106 Poelothuto 4: Go kwala 106 Poelothuto 5: Go akanya le go batla mabaka 106 Poelothuto 6: Popegopuo le tiriso 107
DIELO TSA TLHATLHOBO MERABA YA KEREITI YA 7 - 9 108
Meraba e e Tshikhinngwang 108 Diteng tsa meraba 111 Poelothuto 1: Go reetsa 112 Poelothuto 2: Go bua 116 Poelothuto 3: Go buisa le go bogela 122 Poelothuto 4: Go kwala 128 Poelothuto 5: Go akanya le go batla mabaka 132 Poelothuto 6: Popegopuo le tiriso 140
KGAOLO 5: TLHATLHOBO YA MOITHUTI
MATSENO 147
DITHEO TSA TLHATLHABO TSE DI DIRISITSWENG MO THUTONG-TOTA-DIPOELOTHUTO 147
Thanolo 147 Dintlhapopo tsa Botlhokwa 148 Maikaelelo a Tlhatlhobo 148
TLHATLHOBO E E TSWELELANG149
Diponagalo tsa Tlhatlhobo e e Tswelelang 149 Ditogamaano tsa Tlhatlhobo 150 Ditiro tse di Tshwanang tsa Tlhatlhobo 150
TSAMAISO YA TLHATLHOBO 150
Batho ba ba amegang mo Tlhatlhobong 150 Lenaane la Sekolo ya Tlhatlhobo 150
GO TSHOLA DIREKOTO 151
Dibuka tsa Direkoto 151 Dikhoutu tse di tshwanetseng go dirisiwa mo Tlhatlhobong 152 Dikhoutu tsa Bosetšhaba 153 Dišedule tsa tswelelopele 153 Diporofaele tsa Moithuti 153
LENAANE LA MAREO
LENAANE LA MAREO A KHARIKHULAMO LE TLHATLHOBO 157LENAANE LA MAREO A KHARIKHULAMO 159
KGAOLO 1
MATSENO
KITSISO YA KEMO YA KHARIKHULAMO YA BOSETŠHABA
Molaotheo wa Repaboliki ya Aforika Borwa, 1996 (Molao 108 wa 1996) o neela motheo wa tlhabololo le tsweletso ya kharikhulamo mo Aforika Borwa wa ga jaana. Ketelelapele ya Molaotheo e tlhalosa maikaelelo a Molaotheo a go:
Alafa dikgaogano tsa maloba le go tlhoma setšhaba se se theilweng mo dielong tsa temokerasi, ditsamelo tsa loago le motheo wa ditshwanelo tsa botho.
Tokafatsa boleng jwa matshelo a baagi botlhe le go golola bokgoni jwa motho mongwe le mongwe.
Ala metheo ya setšhaba sa temokerasi se se mo phatlalatseng, se mo go sona puso e theilweng mo keletsong ya batho, le baagi botlhe ba sireleditsweng ke molao ka go tshwana.
Aga Aforika Borwa o o kopaneng wa temokerasi o o kgonang go tsaya boemo jwa gagwe jaaka naga e e ipusang mo tshikeng ya ditšhaba.
Thuto le kharikhulamo di na le seabe se se botlhokwa mo go fitlheleleng maikaelelo a.
Thuto-tota-Dipoelo
Thuto-tota-dipoelo ke motheo wa kharikhulamo mo Aforika Borwa. E ikaelela go kgontsha baithuti botlhe go fitlhelela dikgono tsa bona tse di kwa godimo. Se e se dira ka go tlhoma dipoelo tse di tshwanetseng go fitlhelelwa kwa bofelong jwa tiragalo.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba e agile Ditlhagiso tsa Dipoelothuto tsa yona tsa Sekgamu sa Thuto-Kakaretso le Katiso sa Dikereiti R-9 (Dikolo) mo dipoelong tsa botlhokwa le tsa kgolo tse di tlhotlheleditsweng ke Molaotheo le go tsweledisiwa mo tiragalong ya temokerasi.
Dipoelo tsa botlhokwa di solofela baithuti ba ba tla kgonang go:
Lemoga le go rarabolola mathata le go tsaya ditshwetso ba dirisa kakanyo ya botlhokwa le ya boitlhamedi;
Dira ka nonofo le ba bangwe jaaka ditokololo tsa setlhopha, mokgatlho le baagi;
Rulaganya le go tsamaisa ditiro tsa bona ka maikarabelo le ka nonofo;
Kokoanya, sekaseka, rulaganya le go tlhatlhoba tshedimosetso;
Tlhaeletsana ka tolamo ba dirisa pono,botshwantshi le puo mo mekgweng e e farologaneng;
Dirisa saentshe le thekenoloji ka tolamo, mme ba supa boikarabelo mabapi le tikologo le pholo ya ba bangwe;
Supa go tlhaloganya botshelo jaaka ngatana ya dithulaganyo tse di golaganeng ka go lemoga gore bokaelo jwa tharabololo ya mathata ga bo nne bo le bosi, bo maphataphata.
Dipoelo tsa kgolo di solofela baithuti ba ba kgonang go:
Akanya le go tlhotlhomisa ka ga mefuta ya ditogamaano tsa go ithuta ka katlego;
Nna le seabe jaaka bagae ba ba maikarabelo mo botshelong jwa selegae, jwa bosetšhaba le jwa boditšhabatšhaba;
Nna masisi mo setsong le mo bokgabong go ralala bonamo jwa bokaelo jwa loago;
Tlhotlhomisa thuto le ditšhono tsa bodiri;
Merero jaaka lehuma, go tlhoka tekatekano, lotso, bong, bogolo, bosaitekanele le dikgwetlho jaaka Lebolelamading/Phate (HIV/AIDS) di fokelela boemo le tsela e baithuti ba nnang le seabe mo thutong. Kemo ya Kharikhulamo e e Tlhabolotsweng ya Bosetšhaba Dikereiti R - 9 (Dikolo) e tsaya molebo wa boakaretsi ka go totobatsa bonnye ditlhokego mo baithuting botlhe. Ditlhagiso tsa Dikarolothuto tsotlhe di leka go bopa temogo ya kgolagano fa gare ga dithwanelo tsa botho, tikologo e e itekanetseng, thokgamo ya loago le boakaretsi.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba: Ditlhagiso tsa Dikarolothuto
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba ya Dikereiti R-9 (Dikolo) e bopiwa ke Dintlhakakaretso le Ditlhagiso tsa Karolothuto tsa:
Dipuo;
Mmetse;
Botaki le Setso;
Tebanyo le Botshelo;
Disaentshe tsa Ikonomi le Botsamaisi;
Thekenoloji.
Tlhagiso ya Karolothuto nngwe le nngwe e tlhaola Dipoelothuto tse dikgolo tse di tshwanetsweng go fitlhelelwa mo bofelong jwa Kereiti ya 9. Tlhagiso ya Karolothuto nngwe le nngwe e popomatsa Dielo tsa Tlhatlhobo tse di tla kgontshang phitlhelo ya Dipoelothuto. Dielo tsa Tlhatlhobo tsa kereiti nngwe le nngwe di a ranolwa, mme di tlhalosa boteng le bophara jwa se baithuti ba tshwanetseng go se itse le go se dira. Dielo tsa Tlhatlhobo tsa Ditlhagiso tsa Karolothuto nngwe le nngwe di supa ka mokgwa oo tsweletso ya dkakanyo le dikgono dim ka diragalang ka teng mo tsamaong ya nako. Dielo tsa Tlhatlhobo di ka tswakanngwa mo dikereiting le go kgabaganya dikereiti.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba: Manaanethuto
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba e ikaelela go godisa boitlamo gape le bokgoni mo barutabaneng,ba ba tla bong ba na le maikarabelo a go tsweletsa Manaanethuto a bona. Go tshegetsa tiragalo e, Lefapha la Thuto le tla neelana ka metlhala ya pholesi e e theilweng mo Tlhagisong ya Karolothuto nngwe le nngwe. Diporofentshe di tla tsweletsa metlhala go ya pele, fa go tlhokega go letla bomethalethale.
Metheo le dielo tsa tshimologo tsa Ditlhagiso tsa Dikarolothuto tsa Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba di tiisa Manaanethuto. Fa Dikarolothuto di tlhagisa megopolo, dikgono le dielo tse di ka fitlhelelwang mo seemong sa kereiti ka kereiti. Manaanethuto a popomatsa boatlhamo jwa go rutwa le ditiragalo tsa tlhatlhobo tsa kgato nngwe le nngwe. Manaanethuto gape a na le dišedule tsa tiro tse di neelanang ka lebelo le tatelano ya ditiragalo tse, ngwaga nngwe le nngwe, mmogo le dikao tsa ditogamaano tsa dithuto tse di ka diragadiwang mo nakong efe kana efe.
Mo Kgatong ya Motheo, go na le Manaanethuto a le mararo: Puiso-Kwalo, Dipalo le Dikgono tsa Botshelo. Mo Kgatong ya Magareng, Dipuo le Mmetse di sala go nna Manaanethuto a a ikemetseng. Dikarolothuto tse dingwe di ka tswakanngwa ke dikolo, ka tetlelelo ya mafapha a thuto a porofentshe. Diporofentshe ka botsona, di ka tsweletsa ditshwetso tse di namileng le porofentshe mo go tswakanyeng manaane a mo Kgatong ya Magareng. Mo Kgatong e Kgolo, go na le Manaanethuto a le robedi, a a theilweng mo Dikarolothutong. Neelo ya nako mo Karolothutong nngwe le nngwe e abelwa mo Dikereiting le mo Dikgatong tsotlhe.
Neelo ya nako
Go ya ka Karolo ya Molao wa Bothapi wa Borutabana, , letsatsi le le feleletseng la sekolo la Barutabana ke diura di le supa. Go ya ka Molao wa Pholesi ya Bosetšhaba ya Thuto, , nako e e feleletseng ya go ruta mo bekeng ya sekolo ke diura di le 35. Dintlha tse di tlhagisiwa mo:
Lokwalong lwa Dintlha-kakaretso ISBN 1-919917-X, ditsebe 17 & 18.
Kasete ya Mmuso ya Palo ya 23406, Vol. 443, Motsheganong 2002, ditsebe 26 & 27
Tlhatlhobo
Tlhagiso ya Karolothuto nngwe le nngwe e akaretsa karolo e e phuthologileng ka ga tlhatlhobo. Boalothulaganyo jo bo theilweng mo dipoelong bo dirisa mekgwa ya tlhatlhobo e e kgonang go amogela mabaka a bokaelo jo bo matswakabele. Tlhatlhobo e tshwanetse go neela ditshupo tsa phitlhelelo ya moithuti ka tsela e e utlwalang le e e nonofileng, le go netefatsa gore baithuti ba ba tswakanya le go diragatsa dikgono. Tlhatlhobo gape, e tshwanetse go thusa baithuti go dira katlholo ka ga bokgoni jwa bone, go tlhama diphitlhelelo ka maikaelelo a tswelelopele le go tsosa kgatlhegelo ya go ithutela pele.
Mofuta wa Morutabana yo o Solofelwang
Barutabana botlhe le barutisi ba bangwe ke batsaya-karolo ba botlhokwa mo tlhabololong ya thuto mo Aforika Borwa. Kemo e, e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba ya Dikereiti R-9 (Dikolo), e lebeletse barutabana ba ba nonofetseng go ruta, ba na le bokgoni, ba le boineelo, ba le kutlwelo-botlhoko, le ba ba tla kgonang go fitlhelela diabe tsa bona tse di mo Meetlong le Dielong tsa Borutabana. Se, se akaretsa go nna bat-sereganyi mo thutong, baranodi le batlhami ba Manaanethuto le didiriswa, baeteledipele, balaodi le batsamaisi, baithutedi, batlhotlhomisi le baithuti ba leruri, maloko a baagi, bagae le bagomotsi, balekeletsi le bomankge ba Dikarolothuto kgotsa Dikgato.
Mofuta wa Moithuti yo o Solofelwang.
Tsweletso ya dielo, ga e botlhokwa fela mo tsweletsong ya motho a le mongwe, mme e tshwanetse go tlhomamisa gore sebopego sa bosetšhaba sa Aforika Borwa se agilwe mo dielong tse di farologaneng le tse go neng go theilwe thuto ya apareteiti mo go tsona. Mofuta wa moithuti yo o solofetsweng ke o o tladitsweng ka dielo, e bile e le moithuti yo o dirang ka fa dikgatlhegelong tsa setšhaba se se theilweng mo tlotlong ya temokerasi, tekatekano, botho jwa batho, botshelo le thokgamo ya loago.
Kitsiso ya Karolothuto ya Dipuo Thanolo
Karolothuto ya Dipuo e akaretsa:
Dipuo tse di kannweng ke Lekgotla la Dipuo tsa Aforika Borwa (PANSALB) le Boto ya Aforika Borwa ya Kabo ya Ditefikeiti (SAFCERT) di tshwana le Puo ya Matshwao le Dikai le ya Boreile.
Karolothuto ya puo nngwe le nngwe ya semmuso e tlhagisiwa mo dikarolong di le tharo, e nngwe le nngwe ya yona e nang le bukana ya yona ya: Puo ya Gae, Puo-Tlaleletso ya Ntlha, le Puo-Tlaleletso ya Bobedi.
Mo nageng ya dipuodintsi e tshwana le Aforika Borwa, go botlhokwa gore baithuti ba nne le bokgoni jo bo tseneletseng mo dipuong di le pedi, ba bo ba kgone go bua dipuo tse dingwe.
Mokgwa wa tlaleletso o o isang go dipuodintsi
Karolothuto ya Dipuo e tsamaelang le maikemisetso/pholesi a Lefapha la Thuto a puo-mo-thutong. Maikemisetso a a naya Makgotla-taolo a Dikolo maikarabelo a go tlhopha dipholesi tsa puo tse di tshwanelang maemo a ona, e bile a tsamaelana le pholesi ya mokgwa wa tlaleletso o o isang go dipuodintsi. Kemo ya Karolothuto ya Dipuo e neelana ka kharikhulamo e e tshegetsang ditshwetso dife kana dife tse di dirwang ke sekolo:
Se se raya gore baithuti botlhe ba ithuta puo ya bona ya gae le e nngwe ya semmuso e e tlaleletsang.
Baithuti ba nna le bokgoni jwa puo ya tlaleletso, ba ntse ba babaletse le go tsweletsa puo e ba e buang kwa gae.
Baithuti botlhe ba ithuta Puo ya Seaforika e le nngwe bonnye dingwaga di le thataro kwa bokhutlong jwa Sekgamu sa Thuto-Kakaretso le Katiso. Mo mabakeng a mangwe, e ka ithutiwa jaaka Puo-tlaleletso ya bobedi.
Puo ya gae, puo-tlaleletso ya ntlha le puo-tlaleletso ya bobedi di rutiwa ka mekgwa e e farologaneng:
Dielo tsa tlhatlhobo tsa puo ya gae di tseela gore baithuti ba tla sekolong ba kgona go tlhaloganya le go bua puo. Di tshegetsa kgolo ya go itshepa go, bogolosegolo malebana le mefuta e e farologaneng ya litheresi (go buisa, go kwala, go bogela le dilitheresi tsa botlhokwa). Di neelana ka kharikhulamo e e popota go tshegetsa puo ya go ithuta le go ruta.
Puo-tlaleletso ya ntlha e tseela gore baithuti ga ba na kitso epe ya puo e, fa ba goroga kwa sekolong. Baithuti ba kgona go fetisetsa diletheresi tse ba di antseng mo puong ya bona ya gae mo puo-tlaleletsong ya ntlha. Kharikhulamo e naya baithuti ba ba tla dirisang puo-tlaleletso jaaka puo ya ithuta le go ruta mo sebakeng se se rileng mo Sekgamung sa Thuto-Kakaretso le Katiso, tshegetso e e utlwalang. Kwa bokhut-long jwa Kereiti ya 9, baithuti ba ba tshwanetse gobo ba kgona go dirisa puo ya bona ya gae le dipuo-tlaleletso ka nonofo le ka go itshepa mo mabakeng a a farologaneng, go akarediwa le a go ithuta.
Puo-tlaleletso ya bobedi e lebisitswe baithuti ba ba batlang go ithuta dipuo di le tharo. Puo ya boraro e ka nna ya nna puo ya semmuso kgotsa puo esele. Dielo tsa tlhatlhobo di netefatsa gore baithuti ba kgona go dirisa puo go bua mo mabakeng a kakaretso. Di tseela gore go ithuta puo-tlaleletso ya bobedi go tla fiwa nako e nnye go na le puo ya gae kgotsa puo-tlaleletso ya ntlha.
Karolothuto ya Dipuo e akaretsa dipuo tsotlhe tse di lesomenngwe tsa semmuso, jaaka:
Puo ya gae;
Puo-Tlaleletso ya ntlha; le
Puo-Tlaleletso ya bobedi.
Puo ya go ithuta le go ruta
Re atlanegisa gore puo e moithuti a e buang kwa gae (kgotsa dipuo) e dirisiwe go mo ruta le go ithuta fa go kgonegang. Se se botlhokwa thata mo Kgatong ya Motheo e mo go yona baithuti ba ithutang go buisa le go kwala.
Fa baithuti ba patelesega go dirisa puo ya tlaleletso e seng ya gae go ithuta le go rutiwa, ke gore jaaka puo ya go ithuta le go ruta, go rulaganngwe jalo ka kelotlhoko:
Puo ya tlaleletso e tshwanetse ya dirisiwa jaaka serutwa go sa le gale;
Puo ya gae e tswelele go dirisiwa mmogo le puo ya tlaleletso ka sebaka se se kgonagalang;
Fa moithuti a tsena sekolo se mo go sona puo ya go ruta le ya go ithuta e leng ya tlaleletso, sekolo le barutabana ba tshwanetse go fa moithuti yoo thuso e e kgethegileng le dithuto tse di okeditsweng tsa puo ya tlaleletso, go fitlha moithuti a kgona go ithuta ka nonofo ka puo ya go ithuta le go ruta.
Maikaelelo
Dipuo ke dipinagare tsa matshelo a rona. Re buisana re bo re tlhaloganye lefatshe la rona ka puo. Ka jalo, puoe bopa kitso ya rona le borona.Dipuo di dirisediwa maikaelelo a a farologaneng a a tlhagisiwang mo Kemong ya Dikarolothuto tsa Puo. Tsonake tse di latelang:
Tsa sebele - go tsweletsa le go somarela sebone; go somarela dikgolagano mo malapeng le mo setšhabeng; le go itlhabolola ka sebele le go itumedisa.
Tsa go buisana - go buisana sentle le ka nonofo mo maemong kana mabakeng a a farologaneng.
Tsa thuto - go bopa le go tlhabolola didirisiwa tsa go akanya le go batla mabaka, le go tlamela tsela ya go bona tshedimosetso.
Tsa temogo ya bontle - go tlhama, go ranola le go tshameka ka ditlhangwa tsa molomo, tse di bogelwang le tse di kwadilweng.
Tsa setso - go tlhaloganya le go kgatlhegela dipuo le ditso mmogo le boswa jo di bo rweleng.
Tsa sepolitiki - go itshupa le go gwetlha ba bangwe; go tlhotlheletsa bangwe malebana le kgopolo e e rileng;
go ipaya le go baya bangwe mo maemong a a rileng; go somarela, go tlhabolola le go fetola bobone.
Tsa go sekaseka - go tlhaloganya dikgolagano magareng ga puo, maatla le bowena, le go gwetlha tiriso ya tsona fa go tlhokagala; go tlhaloganya phetophetogo ya setso; le go gana go tlhotlhelediwa le go bewa mo maemong a a rileng, fa go tlhokega.
Diponagalo tse di kgethegileng le boatlhamo Karolothuto ya Puo e thusa kharikhulamo jang?
Karolothuto ya puo e:
Tlhabolola go buisa le go kwala, tse e leng motheo wa botlhokwa wa dithuto tse dingwe tse di batlang go buisiwa le go kwalwa.
Ke puothuto ya dithuto tse dingwe tsa kharikhulamo, di tshwana le Mmetse le Disaentshe tsa Loago.
Rotloetsa go tlhaloganyana ga ditso, go utlwa gore batho ba bangwe ba akanya jang le go leba setso ka leitlho le lentšhotšho.
Rotloetsa boitshimololedi le boitlhamedi, ka maikaelelo a go godisa maemo a botaki le setso.
Neelana ka tsela ya go fetisa tshedimosetso le go godisa maikaelelo a bonetetshi (saentshe), thekenoloji le thuto ya tikologo.
Tlhabolola didirisiwa tsa botlhokwa tse di kgontshang batho go nna baagi ba ba maikarabelo.
Dipuo: go kopanya kitso, bokgoni le dielo
Go na le Dipoelothuto di le thataro tsa puo ya gae, puo ya tlaleletso ya ntlha le puo ya tlaleletso ya bobedi tse di tshwanang. Tsona ke:
Dipoelothuto tse nne tsa ntlha di akaretsa mefuta e metlhano ya bokgoni jwa puo (go reetsa, go bua, go buisa, go bogela le go kwala).
Poelothuto ya borataro e bua ka moko wa puo - medumo, mafoko le thutapuo.
Dipoelothuto tse, di kwaletswe gore go tsepamisiwe matlho mo mefuteng e e rileng ya kitso le bokgoni, le go dira gore di nne sedi di bo di tlhaloganyesege. Le gale, fa re dirisa puo, re lomaganya kitso, bokgoni le dielo tsa botshelo go itlhalosa. Ka jalo, kakanyokgolo ya Kemo ya Karolothuto ya Dipuo ke go lomaganya mefama e ya puo ka go tlhama le go ranola meraba.
DIPOELOTHUTO TSA DIPUO
Poelothuto ya 1: Go reetsa
Moithuti o kgona go theeletsa tshedimosetso le go ijesa monate, mme a arabe sentle le ka go sekaseka mo maemong a a farologaneng.
Poelothuto ya 2: Go bua
Moithuti o kgona go bua kana go tlhaeletsana ka go itshepa le ka nonofo mo maemong a a farologaneng.
Poelothuto ya 3: Go buisa le go bogela
Moithuti o kgona go buisetsa le go bogela kitso le monate, mme a arabele ka ka bokgabale, bontle le botaki, setso le dielo tsa maikutlo mo merabeng.
Poelothuto ya 4: Go kwala
Moithuti o kgona go kwala mefuta e e farologaneng ya meraba ya boammaaruri le ya maitlhomo, a e kwalela mabaka a a farologaneng.
Poelothuto ya 5: Go akanya le go batla mabaka
Moithuti o kgona go dirisa puo go akanya le go batla mabaka, go bona tshedimosetso, go e tlhotlha le go e dirisetsa go ithuta.
Poelothuto ya 6: Popegopuo le tiriso
Moithuti o itse, e bile o kgona go dirisa medumo, tlotlofoko le thutapuo ya puo go tlhama le go ranola meraba.
Tomaganyo ya dipoelothuto
Le fa dipoelo tsa go reetsa le go bua, go buisa le go bogela, go kwala, go akanya le go batla mabaka, le kitso ya medumo, mafoko le thutapuo, di tlhagisiwa jaaka dipoelothuto tse di farologaneng, di tshwanetse go lomaganngwa fa go rutiwa le fa go tlhatlhojwa.
Sekao, Baithuti ba:
Reetsa mofuta o o rileng wa moraba (sekao: thanolo ya tiro e e rileng jaaka ya go dira pampiri kgotsa go epa gouta);
Buisa le go sekaseka diponagalokgolo tsa moraba mongwe wa mofuta o o tshwanang (sekao: tiriso ya paka jaanong e e bonolo, tirwa, tiriso ya makopanyi jaaka 'pele', 'morago');
Tlhaba, ba bo ba kwala moraba o mošwa wa mofuta o o tshwanang.
Go tlhama le go ranola meraba
Baithuti ba tlhoka kitso ka ga puo, kitso ka ga meraba, le bokgoni jwa puo le ditogamaano gore ba tle ba kgone go tlhama le go ranola meraba.
Meraba e ka nna:
Ya molomo, sekao: puo;
E e kwadilweng, sekao: lekwalo;
Tshwaraganyo ya tse di kwadilweng le tse di bogelwang, sekao: phasalatso;
Bobegakgang, sekao: filimi kgotsa moraba wa thelebišene.
Kitso ya puo le meraba, e akaretsa kitso ka ga:
Bokaelo - maikaelelo, setlhogo le babogedi/bareetsi/babuisi;
Popego ya moraba, sekao sa leboko kgotsa phasalatso;
Ditlwaelo tsa loago tse di tsamaelanang le puo, sekao: ka moo o dumedisang batho ka dipuo tse di farologaneng ka teng;
Thutapuo, medumo le tlotlofoko ya puo;
Go kwala le go peleta mo morabeng o o kwadilweng;
Ditshwantsho le moakanyetso mo morabeng o o bogelwang.
Tomaganyo ya go ithuta puo: dielo tsa botshelo
Ditlhangwa di rwele dielo kana metheo ya botshelo e e siameng (jaaka, setemokerasi) kgotsa e e sa siamang (jaaka, go tlhaola ka lotso le ka bong). Go se tseelwe gore botlhe ba itse metheo e ya botshelo. Baithuti ba tshwanetse go ela tlhoko le go sekaseka metheo kgotsa dielo tse tsa botshelo, fa di le teng mo merabeng e ba e buisang le e ba e bogelang, tota le mo merabeng e ba itlhamelang yona.
Fa baithuti ba sekaseka e bile ba gwetlha metheo ya botshelo e e teng mo merabeng ya molomo, e e bogelwang le e e kwadilweng, ba tla:
Ithuta ka moo meraba e bonang batho le ditiragalo ka teng;
Tlhabolola bokgoni jwa go sekaseka gore ba tlhatlhobe dikakanyo tse, mme fa go tlhokega, ba di gane mmogo le dielo kgotsa metheo ya botshelo e e amanang le tsona;
Ela tlhoko ka moo ba tlhagisang metheo ya botshelo mo merabeng e ba e itlhamelang - go fa sekao: kgotlelelo, kutlwelobotlhoko, tlotlo, boitumelo, bontle, metlae, go tshameka, tenego.
Tomaganyo ya go ithuta puo: dithitokgang kana merero
Go ithuta puo le gona go ka lomaganngwa ka dithitokgang kana merero. Fa go di dirisiwa dithitokgang, baithuti ba kgona go aga tlotlofoko e e maleba le setlhogo.
Fa dithitokgang le ditlhogo di tlhophiwa ka kelotlhoko, phisegelo ya baithuti e a rotloetsega. Go fitlhelela ntlha e, o tshwanetse go leka go:
Bona ditlhogo le dithitokgang tse di kgatlhang basimane le basetsana, baithuti ba kwa magaeng le ba kwa metsesetoropong ka go lekana - le dithitokgang tse di kopanyang baithuti ntle le tlhophololo;
Tlhopha dithitokgang tse di maleba le matshelo a baithuti, mme gape o katolose kitso ya bona. Go fa sekao, ba ka nna ba ithuta ka dinaga le ditso tse dingwe;
Tlhopha dithitokgang le ditlhogo tse di golaganyang le Dipoelothuto tsa Botlhokwa le tsa Kgolo. Go fa sekao, baithuti ba tshwanetse go tshwaragana le ditllhagiso tsa botlhokwa tsa ditshwanelo tsa botho le tsa tikologo, jaaka khumanego, Lebolelamading/Phate (HIV/AIDS), ditshwanelo tsa lefatshe le bodirisi (consumerism);
Ditshwanelo tsa botho le tshiamelo ya tikologo
Dipuo ke didiriswa tsa botlhokwa tsa go fitlhelela ditshwanelo tsa botho le tshiamelo ya tikologo. Kemo ya Karolothuto ya Dipuo e batla go godisa didiriswa tse ka botlalo ka dielo tsa yona tsa tlhatlhobo. Baithuti ba tshwanetse go nna babuadipuo-pedi kgotsa babuadipuo-dintsi ba ba itshepang e bile ba na le didiriswa tsa botlhokwa tsa go buisa ka ga lefatshe le meraba e e buiwang le e e kwadilweng ka lona. Ba tshwanetse go kgona go sekaseka le go kwalolola meraba ka mekgwa e e godisang dikgonagalo tsa ditshwanelo tsa botho le tshiamelo ya tikologo.
KGAOLO 2KGATO YA MOTHEO(DIKEREITI R - 3)
MATSENO
Baithuti botlhe ba tla kwa sekolong ba na le kitso e ntsi le bokgoni jo bo tebileng jwa puo ya gae. Ba bone kitso e, ka dikgolagano tse di farologaneng tsa fa ba kopana le bangwe kwa lapeng, fa ba tlhokometswe, fa ba nonotshwa le ka nako ya go tshameka. Ka gobo malapa a farologana, kitso e bana ba tlang ka yona kwa seolong le yona e a farologana. Le gale, sengwe le sengwe se ba se itseng, se tshwanetse go solwa mosola mo go tlhabololeng puo ya bona. Se, se botlhokwa thata mo kgolong ya sebele sa bona, mo dikgolaganong le baithuti ba bangwe, le fa ba simolola go ithuta le go phela mo lefatsheng.
Mo karolong e, re tlhalosa ka bokhutshwanyane dilo tse di latelang:
Kitso ya bana ya pele.
Mafelo a go ithutela.
Melawana le ditsela/mekgwa e e kaelang kharikhulamo e.
Tsepamiso
Fa baithuti ba tsena mo Kereiting ya R le 1, ba ithutile dilo di le dintsi ka go reetsa, mme ba kgona go buisa ka thelelo le ka go itshepa. Ba godisitswe mo setsong, ngwaong le mo kitsong e ba e fitlhelang kwa gae, mme tsotlhe tse, ke karolo ya bona ya kitso ya puo. Phaposiborutelo e tshwanetse go nna lefelo le le itumelelang, le le tlotlang le le le agelelang mo godimo ga se baithuti ba tlang ba se itse.
Tlhabololo ya Puo: Tiragalo e e tsamayang ka iketlo
Kakanyo e e kaelang go ithuta le go ruta go kwala (letheresi) mo kharikhulamong e ke ya gore tlhabololo ke tiro ya go tokafatsa, e e tsamayang ka iketlo. Ka jalo, diphoso di tshwanetse go nna teng mo tirong eo. Fa puo ya baithuti e godisiwa sentle, e tla tokafala thata, bogolosegolo fa ba nna le tšhono e ntsi ya go dirisa le go godisa bokgoni jwa bona jwa puo.
Molebo wa tekatekano go tlhabololo ya go buisa le kwala (litheresi)
Mo kharikhulamong e, go dirisitswe 'mokgwa wa tekatekano' wa go tlhabolola litheresi. Ke wa 'tekatekano' gonne o simolola ka litheresi e e golang ya bana, mme o dira gore ba buise dibuka tsa nnete, ba bo ba kwalele mabaka a a boammaaruri (genuine purposes). Gape, ga o ikgatholose medumopuo (phonics). Baithuti ba tshwanetse go itse le go dira dilo tse gore ba kgone go ithuta go buisa le go kwala sentle. Fa re tla mo puisong, se se raya gore re tswe mo 'mokgweng wa tshiamelo ya go buisa' o o neng o dumela gore baithuti ga ba a siamela go simolola go ithuta le go kwala fa ba ise ba kgone go farologanya ka kutlo le ka pono, e bile ba ise ba nne le bokgoni jwa go tsamaisa kana go dirisa dithwe tsa mmele sentle.
Go ya ka mokgwa wa tekatekano:
Ga go tlhokege gore moithuti a nne le bokgoni jo, pele a ka simolola go buisa le go kwala; mme
Bokgoni jo, bo ka godisiwa/tokafatswa fa bana ba simolola go nna le maitemogelo a go ithuta.
Go agelela mo kitsong
Kharikhulamo ya puo e lemogile gore baithuti ba simolola go itse go kwala puo go tloga fa ba bontshiwa tiro ya go buisa le go kwala kwa gae, mo tikologong e ba phelang mo go yona, le ka nako ya dingwaga tsa dithuto tsa pele ga sekolo. Re tshwanetse ra dira phaposiborutelo lefelo le le rotloetsang baithuti go nna babuisi le bakwadi ba ba bokgabale gore tiro e, e tswelele pele.
Thotloetso ya go ikatisa
Kharikhulamo e, e tshwanetse go:
Rotloetsa le go tshegetsa baithuti go buisa ka bophara (ka bobona kgotsa le ba bangwe).
Neela baithuti tšhono ya go kwala le go godisa tlotlofoko ya bona le go dirisa puo kgabetsakgabetsa.
Thusa baithuti go utulola dithekeniki le ditogamaano tse di ba thusang go ranola mokwalo, jaaka:
Kgodiso ya bokgoni jo bo farologaneng jwa temogo ya mafoko le jwa tekatlhaloganyo jaaka go lemoga difonimi (ba nne tsebe ntlha mo medumong ya puo).
Kitso ya medumo - tlhaka e e nyalelanang (medumopuo).
Kitso ya go tshwaraganya (go tshwaraganya ditlhaka di le pedi kgotsa di le tharo go bopa modumo).
Tomaganyo ya Dipoelothuto
Dipoelothuto di tshwanetse go bonwa di dirisana go aga le go tlhabolola puo ya baithuti. Kwa tshimololong ya dielo tsa tlhatlhabo, re tshikinya dikao tsa meraba (tsa molomo, tse di kwadilweng, tse di bogelwang, le tsa bobegakgang-bontsi) tse di kgontshang baithuti le barutabana go dira mofuta o wa tomaganyo. Go botlhokwa go gakologelwa gore ga go solofelwe gore baithuti ba bue puo e ba iseng ba e utlwe, kgotsa ba kwale kgotsa ba tlhagise meraba e ba iseng ba ke ba e buise kgotsa ba e bone.
DIPOELOTHUTO
Poelothuto ya 1: Go reetsa
Moithuti o kgona go theeletsa tshedimosetso le go ijesa monate, mme a arabe sentle le ka go sekaseka mo maemong a a farologaneng.
Bokgoni jwa go reetsa jo baithuti ba tlang ka jona kwa sekolong, bo tshwanetse go tlhabololwa le go dirisiwa go godisa bokgoni jwa go bua, go buisa, go bogela le go kwala. Go reetsa ka matlhagatlhaga go botlhokwa thata mo go ithuteng, mmogo le mo go ageng dikgolagano kgotsa botsalano jo bo tlotlegang. Baithuti ba ka reetsa gore ba kgone go oketsa kitso ya bona ya dipuo le ditso tsa bona le tsa batho bangwe.
Poelothuto ya 2: Go bua
Moithuti o kgona go buisana kgotsa go tlhaeletsana ka go itshepa le ka nonofo mo maemong a a farologaneng.
Baithuti ba tshwanetse go kgona go dirisa kitso ya bona ya go buisana kgotsa go tlhaeletsana ka nonofo le fa ba le fa gare ga dipuo le ditso tse dingwe. Ba tshwanetse go ithuta ka go itemogela gore, go itse dipuodintsi/ditementsi go humisa le go godisa bobona le boagi jwa bona. Gape, ba ithute go bua le go buisana le batho ba ba sa kgoneng go bua le go utlwa, ba bo ba tsibogele ditlhokego tsa bona.
Poelothuto ya 3: Go buisa le go bogela
Moithuti o kgona go buisa le go bogela a batla tshedimosetso le go ijesa monate, mme a arabele ka go sekaseka bontle le botaki, setso le dielo tsa maikutlo mo merabeng.
Go buisetsa go bona bokao, ke maikaelelomagolo a poelothuto e. Ka jalo, dithekeniki le ditogamaano tse di thusang baithuti go buisa ka nepo, di tshegetsa ntlha ya go buisetsa bokao. Go buisa (go akaretsa meraba e e bogelwang le ya bobegakgang-bontsi) go botlhokwa fa go godisiwa puo, le fa go ithutiwa go kwala, go ijesa monate le go ithuta ka tsa lefatshe.
Poelothuto ya 4: Go kwala
Moithuti o kgona go kwala mefuta e e farologaneng ya meraba ya boammaaruri le ya maitlhomo, a e kwalela mabaka a a farologaneng.
Mo Kgatong ya Motheo, baithuti ba ithutela poelothuto e. Ba ithuta gore go kwala go rwele bokao, le gore bone ka bobona ke bakwadi ba bokao boo. Gape ba godisa bokgoni jwa mokwalo gore ba tle ba kgone go kwala dikgopolo le dikakanyo tsa bona gore bone le baithuti ba bangwe ba kgone go buisa se ba se kwadileng. Mo godimo ga moo, ba ithuta melawana le mefuta e e farologaneng ya mokwalo jaaka mopeleto le matshwao a puiso gore se ba se kwadileng se tle se tlhaloganngwe sentle ke ba bangwe. Ba ithuta gore go kwala ke tiro e e akaretsang: dintlha tsa pele ga go kwalwa, go kgwaritsakgwaritsa, poeletso, go runa kgotsa go tseleganya le go gatisa.
Poelothuto ya 5: Go akanya le go batla mabaka
Moithuti o kgona go dirisa puo go akanya le go batla mabaka, go bona tshedimosetso, go e tlhotlha le go e dirisetsa go ithuta.
Bokgoni jo bo tlhalosiwang mo poelothutong e, ke karolo ya mefama yotlhe ya go ithuta puo. Mabaka a a dirileng gore bokgoni jo bo tsenngwe mo Poleothutong e e ikemetseng e, ke go totobatsa botlhokwa jwa jona mo go tlhabololeng le go godiseng puo ka kakaretso. Dipuo di ka tlhalosiwa jaaka 'dikgoro' tsa karolothuto: gonne di thusa gore bana ba ithute dirutwa tsotlhe tsa bona. Barutabana ba tshwanetse go tlhabolola le go godisa, go nonotsha le go tiisa didirisiwa tsa puo go akanya le go batla mabaka. Se ga se a tshwanela go dirwa se le sosi - baithuti ba tshwanetse go diragatsa bokgoni jo, mo Dikarolothutong.
Poelothuto ya 6: Popegopuo le tiriso
Moithuti o kgona go dirisa medumo, mafoko le thutapuo ya puo, go tlhama le go ranola meraba.
Baithuti ba tla simolola go tlhtlhomisa ka moo puo e dirang ka teng. Ba tla simolola go tsweletsa puo e e aroganngwang ya go bua ka puo. Sekao, ba tla ithuta le go dirisa mareo jaaka "medumo, dinoko, mafoko, polelo le khutlo". Se, se tla ba letla go tlotla le go akanya ka ga mokgwa o mafoko a peletiwang ka teng le ka mokgwa o dipolelonolo di bopilweng le go kgaoganngwa ka teng.
DIELO TSA TLHATLHOBO LE MERABA
Mo dikarolong tse di latelang, Dielo tsa Tlhatlhobo tsa poelothuto nngwe le nngwe di tla neelwa go ya kereiti ka kereiti. Kwa tshimologong ya kereiti nngwe le nngwe, re go naya dikao tsa meraba e e ka dirisediwang go ithuta puo go go lomaganeng. Dikao tse, ga se tsona fela di ka neelwang, o ka ikokeletsa dikao ka go itlhophela meraba efe kapa efe e e maleba.
Barutabana ba tshwanetse go gakologelwa gore ga se baithuti botlhe ba ba tseneng Kereiti ya R. Dikgopolo, bokgoni le ditogamaano tsa Kereiti ya R, di tshwanetse go rutiwa le go di tiisiwa mo Kereiting ya 1.
DIELO TSA TLHATLHOBO LE MERABA YA KEREITI YA R
Kereiti ya R
Meraba e e tshikhinngwang
Meraba Motlotlo:
Dikgang (tse ka gale di diragadiwang, mme di akaretsa le dipoeletso tse di letlelelang baithuti go tsena pina fa gare)
Ditaelo tse bothata jwa tsona bo oketsegang.
Dithanolo tsa tatelano ya ditiragalo
Dipina
Metshameko
Dithanolo tse di bonolo
Tse di bogelwang le tse di kwadiwang:
Dikgang tsa ditshwantsho le dibuka tse di nang le ditlhogo tse di bonolo.
Diphasalatso le dikaratapepentsho tse di tlwaelegileng.
Ditshwantsho
Bobegakgang-bontsi:
GO REETSARe itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go theeletsa tshedimosetso le go ijesa monate, mme a Reetsa dipotso, ditaelo le dikitsiso ka tlhwoaafalo, arabe sentle le ka go sekaseka, mo mme a arabe kgotsa a di tsibogele ka tshwanelo.
maemong a a farologaneng
Supa maitsholo a a siameng a go reetsa kwa ntle ga go tsena mongwe ganong. A supa tlotlo fa sebui se bua, a refosana go bua.
Reetsa meraba ya molomo ka boitumelo, (dipina tse di bonolo, diraeme, maboko le dikanelo tse dikhutshwane), mme a supa gore o a di tlhaloganya:
Diragatsa dikarolo tsa kgang kgotsa kanedi, pina le leboko;
Tsena sentle fa go opelwa khorase;
Tshwantsha setshwantsho sa kgang;
Kwala dintlha le go naya kakanyokgolo ya moraba wa molomo;
Baya ditshwantsho ka go di tlhomaganya;
Tsweletsa temogo ya medumopuo;
Lemoga gore mafoko a bopiwa ka medumo;
Farologanya medumo bogolosegolo mo tshimologong le mo bofelong jwa mafoko;
Lokolola dipolelo tsa molomo go ya ka mafoko;
Lokolola mafoko a a buiwang a dinokodintsi go ya ka dinoko (jaaka, se-ja-na-ga);
Lemoga mafoko a a rumisanang mo dipineng tse di itsegeng, (jaaka, dia le sia).
GO BUA
Moithuti o kgona go bua le go buisana ka go itshepa le ka nonofo mo maemong a a farologaneng.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Tlotla ka ga ba losika le ditsala.
Tlhagisa maikutlo a gagwe le maikutlo a batho ba nnete le ba maitlhomo.
Opela le go boka dipina le maboko a bana.
Dirisa puo ka botshwantshi go ijesa monate le ditoro (jaaka, go bopa mafoko a a raemang).
Dirisa puo ya maitlhomo go ijesa monate le go ijesa ditoro.
A botsa dipotso fa a sa tlhaloganye kgotsa a tlhoka tshedimosetso, mme a tsiboga ka tshwanelo fa a bodiwa dipotso.
Fetisa melaetsa.
A tlhagisa maitemogelo a gagwe.
A tlotla dikanelo tsa gagwe mme a boeletsa dikanelo tsa ba bangwe ka mafoko a gagwe.
Nna le seabe mo setlhopheng ka go itshepa le ka tokologo.
A supa masisi fa a bua le ba bangwe.
A etsisa mefuta le mekgwa e e farologaneng ya dipuisano. (sekao: puisano ya mogala)
GO BUISA LE GO BOGELARe itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go buisa le go bogela a batla kitso le go ijesa monate, mme a Dirisa ditshwantshetso tse di bogelwang go bopa arabe ka go sekaseka bontle le botaki, bokao:
setso le dielo tsa maikutlo a a leng teng
Leba le go sekaseka ditshwantsho le dinepe ka mo merabeng. kelotlhoko, go lemoga dilo le maitemogelo a a tshwanang;
Lemoga setshwantsho kgotsa sebopego go tswa mo lemoragong;
Ntsha bokao go tswa mo dikanelong tsa ditshwantsho;
Bapanya ditshwantsho le mafoko;
Dirisa ditshwantsho go tlhaloganya ditlhogo tse di bonolo mo bukeng ya ditshwantsho.
Dira motshameko wa go buisa:
Tshwara buka ka go tlhamalala, a phutholola ditsebe ka tshwanelo, a leba mafoko le ditshwantsho, a tlhaloganya kgolagano fa gare ga tsona, mme a dirisa ditshwantsho go tlhama dikakanyo;
Farologanya ditshwantsho mo mokwalong (sekao: ka go supa mafoko go na le ditshwantsho fa a buisa).
Poelothuto ya 3
Tsweletso
GO BUISA LE GO BOGELA
Moithuti o kgona go buisa le go bogela a batla kitso le go ijesa monate, mme a arabe ka go sekaseka bontle le botaki, setso le dielo tsa maikutlo a a leng teng mo merabeng.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Ntsha bokao jwa moraba o o kwadilweng:
Tlhaloganya maikaelelo a mokwalo - gore o na le bokao (gore lefoko le le kwadilweng le ka emela leina la gagwe);
Buisa ka setlhopha le morutabana (sekao: dirisa 'dibuka tse dintsi' mo morutabana a ntseng a supa mafoko a a kwadilweng fa tlase ga ditshwantsho);
Golaganya maitemogelo a gagwe a botshelo fa a bogetse thelebišene kgotsa ditshwantsho;
Tlhalosa le go neela dikakanyo ka ga baanelwa ba ba mo kaneding kgotsa mo lenaneong la thelebišene.
Simolola go lemoga le go ntsha bokao jwa ditlhaka le mafoko:
Lemoga gore mafoko a a kwadilweng a kaya mafoko a a buiwang;
Lemoga le go buisa mafoko a a dirisiwang gantsi, jaaka, leina la gagwe le go kwala matshwao a tshwana;
le EMA (Stop), maina a mebila, jalo jalo;
Buisa' dibuka tsa ditshwantsho tse di nang le ditlhogo tse di bonolo kgotsa dipolelo.
Simolola go lemoga medumopuo:
Lemoga tumammogo ya tshimologo le ditumammogo tsa medumo e mekhutshwane;
Lemoga le go fa maina a ditlhaka tsa alefabete di tshwana le tlhaka e leina la gagwe le simololang ka yona;
Lemoga mafoko a a rumisanang mo dipineng.
Kgato ya Motheo
GO KWALARe itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go kwala mefuta e e farologaneng ya meraba ya boammaaruri Simolola go iteka go kwala:
le ya maitlhomo a kwalela mabaka a a
Tlhama e bile a dirisa ditshwantsho go fa molaetsa, farologaneng jaaka ntlha ya go simolola go kwala;
Tlhama ditlhaka ka mekgwa e e farologaneng (sekao: go dirisa mmele wa gagwe go supa dipopeg, le go kwala mo motlhabeng);
Tlhaloganya gore go kwala le go taka ditshwantsho go a farologana (sekao: supa mafoko go na le go supa ditshwantsho fa a 'buisa');
Kwala' a bo a kopa ba bangwe gore ba fe bokao jwa se se kwadilweng;
Bua ka ditshwantsho tsa gagwe tse a di takileng le ka se a se kwadileng;
Etsisa ka go tshameka 'go kwala' ka maikaelelo (sekao: molaetsa wa mogala, lenaneo la go reka);
Dirisa ditlhaka le dipalo tse a di itseng (tekanyetso) go emela puo e e kwadiwang, bogolosegolo ditlhaka tsa leina la gagwe le ya dinyaga tsa gagwe;
Buisa" mokwalo wa gagwe o o simololang go tlhagelela, fa a kopiwa go dira jalo.
GO AKANYA LE GO BATLA MABAKA Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go dirisa puo go akanya le go batla mabaka, mme a fitlhelele, a bo Dirisa puo go godisa megopolo.
a tlhotlhe tshedimosetso e a e boneng,
Supa kitso e e golang ya megopolo ka ga bongwe lemorago a e dirisetse go ithuta. bontsi, bogolo le popego, bokaelo, tsela, mmala, lebelo, nako, dingwaga, tatelano.
Dirisa puo go akanya le go batla mabaka:
Lemoga a bo a tlhalosa go tshwana ga dilo le go farologana ga tsona;
Nyalanya dilo tse di tsamaelanang, a bo a bapisa dilo tse di farologanang;
Aroganya dilo (jaaka, go baya ditshamekisi (toys) tsotlhe mo lebokosong, dibuka mo rakeng ya tsona, dikheraeyone mo motemeng);
Lemoga dikarolo tsa selo sotlhe (jaaka, dikarolo tsa mmele).
Dirisa puo go batlisisa le go utolola:
Botsa dipotso, mme ba batle dithanolo (sekao: goreng?, eng?, mang?, jang?, kae?, leng?);
Neela dithanolo a bo a ntshe ditharabololo;
Rarabolola a bo a feleletsa morabaraba wa mafoko.
Tlhotlha tshedimosetso:
Ntsha tshedimosetso e e tlhophilweng go tswa mo thanolong.
POPEGOPUO LE TIRISO Re itse seno fa moithuti a kgona go:Moithuti o kgona go dirisa medumo,mafoko le thutapuo ya puo go tlhama le go Golaganya medumo le ditlhaka le mafoko:
ranola meraba.
Lemoga gore mafoko a bopilwe ka medumo;
Lemoga medumo mo tshimologong ya mafoko mangwe;
Kgaoganya mafoko a a buiwang a dinokodintsi ka dinoko (jaaka, a ka nna a dumisa dinoko mo mafokong a tshwana le, se-ko-lo kgotsa ngwa-na).
Dira ka mafoko:
Lemoga tlhogo mo lefokong, la Setswana, jaaka, sekolo;
Kgobokanya mafoko a a rumisanang a a adimilweng mo Seesimaneng le mo Seaforikanseng, a a nang le ditlhogo tse di tshwanang, jaaka, ausi, aubuti, aumama;
Lemoga lefoko, tlhaka le phatlha fa gare ga mafoko mo mokwalong.
Dira ka dipolelo:
Anaanya dikakanyo a dirisa dithanolo le mafoko a a bontshang tiro.
Dira ka meraba:
Bua ka ga meraba (jaaka, dikgang/dikanedi) a dirisa mareo a tshwana matseno, mmele le bokhutlo.
Dirisa puo go buisana le go golagana:
Dirisa puo go supa maitsholomantle (jaaka, tsweetswee, tuu, ke kopa);
Lemoga bokao jo bo tlisiwang ke phetogo ya segalo mo lentsweng.
Dirisa 'puo-ka-ga-puo':
jaaka, 'medumo', 'mafoko', 'tlhaka', 'morumo', 'tshimologo/matseno', 'mmele', le 'bokhutlo'.
DIELO TSA TLHATLHOBO LE MERABA YA DIKEREITI TSA 1-3
Kereiti ya 1
Meraba e e tshikhinngwang
Motlotlo:
Dikanedi (dikgang tse di bonolo, dikinane, dinoolwane)
Dipinatlhaletso
Dipina
Maboko
Metshameko
Ditaelo tse bothata jwa tsona bo golang
Dithanolo tsa tatelano ya ditiragalo
Dithanolo tse di bonolo
Tse di bogelwang le tse di kwadiwang:
Dikanedi tse di bonolo
Mananeo jaaka lenaneo la go ya go reka
Maboko
Metshameko (sekao, morabaraba)
Dibuka tsa ditshwantsho
Dikgang tse di bonolo
Dikaratapepentsho/ditšhate tse di bonolo
Mathata a a bonolo a mafoko (mmetse)
Ditaelo (sekao: go dira sefofane sa pampiri)
Dithanolo tse di bonolo
Dithanodi
Metlobo, jaaka dithanodi
Dibuka tsa dipopego, diphologolo, dikgopana tsa lewatle
Bobegakgang-bontsi:
Difilimi tsa bana
Kereiti ya 2
Meraba e e tshikhinngwang
Motlotlo:
Dikanelo (sekao: dikgang, dianelaphologolo, dikahisetori, dianelalebopo)
Ditaelo tse bothata jwa tsona bo oketsegang.
Mananeo
Dithanolo tsa tatelano ya ditiragalo
Dithanolo
Mmuisano le metlotlo
Dipina
Maboko
Metshameko
Dithamalakwane le metlae
Dikgaso tsa seyalemowa (dikgang, dikitsiso, dikgang tsa bosa, dipuisano)
Tse ke di kwadilweng le tse di bogelwang:
Dibuka tsa ditshwantsho
Makwalodikgang
Metlobo (jaaka, dithanodi, dibukathuto tsa dikarolothuto tse dingwe, diensaetlelopedia tsa bana)
Mananeo a diteng le ditshupane
Dimmapa tsa tlhaloganyo
Dikuranta
Dimakasini
Letlotlo la mafoko
Bukatsatsi
Tshekatsheko e e bonolo ya buka
Diphasalatso
Ditlhangwa tse e seng tsa maitlhomo (sekao: dibukakgakololo)
Dibukanatshedimosetso
Diforomo tse di tladiwang (sekao: tsa dikgaisano)
Bobegakgang-bontsi:
Difilimi tsa bana.
Kereiti ya 3
Meraba e e tshikhinngwang
Motlotlo:
Dikanelo (sekao: dikgang, dianelaphologolo, dikahisetori, dianelalebopo)
Ditaelo tse bothata jwa tsona bo oketsegang
Mananeo
Dithanolo tsa tatelano ya ditiragalo
Dithanolo
Mmuisano le metlotlo
Dipina
Maboko
Metshameko
Dithamalakwane le metlae
Dikgaso tsa seyalemowa (dikgang, dikitsiso, dikgang tsa bosa, dipuisano)
Tse ke di kwadilweng le tse di bogelwang:
Dibuka tsa ditshwantsho
Makwalodikgang
Metlobo (jaaka, dithanodi, dibukathuto tsa dikarolothuto tse dingwe, diensaetlelopedia tsa bana)
Mananeo a diteng le ditshupane
Dimmapa tsa tlhaloganyo
Dikuranta
Dimakasini
Letlotlo la mafoko
Bukatsatsi
Tshekatsheko e e bonolo ya buka
Diphasalatso
Ditlhangwa tse e seng tsa maitlhomo (sekao: dibukakgakololo)
Dibukanatshedimosetso
Diforomo tse di tladiwang (sekao: tsa dikgaisano)
Bobegakgang-bontsi:
Dielo tsa Tlhatlhobo Poelothuto ya 1
GO REETSARe itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go theeletsa tshedimosetso le go ijesa monate, mme a Reetsa ditaelo le dikitsiso ka tlhwaafalo, mme a arabe arabe sentle le ka go sekaseka, mo ka tshwanelo. maemong a a farologaneng
Supa maitsholo a a siameng a go reetsa ka go supa tlotlo fa sebui se bua, go sa se tsene ganong, go bua ka go refosanya, go botsa dipotso gore a tlhaloganye sentle.
Reetsa dikgang, maboko le dipina ka boitumelo, go tswa mo ditsong tse di farologaneng, mme a supa gore o a di tlhaloganya, ka go:
Theeletsa kakanyokgolo le dintlha tsa botlhokwa tsa kgang kgotsa kanedi;
Diragatsa dikarolo tsa kgang kgotsa kanedi, pina le leboko;
Tsena sentle fa go opelwa khorase;
Tshwantsha setshhwantsho sa kgana a bo a kwala mafoko a se kae fela ka yona;
Baya ditshwantsho ka go latelana ga tsona a bo a bapanya ditlhogo le ditshwantsho;
Araba dipotso tse di bulegileng ka ga moraba;
Tlhagisa maikutlo ka ga moraba;
Buisana ka ga tatelano ya dikakanyo.
Reetsa le go kgatlhegela metlae le dithamalakwane a bo a di tsibogela ka go di ranola ka tshwanelo.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Reetsa ka tlhwaafalo sebaka se seleejana (a oketsa kgotlelelo ya go reetsa ka tlhwaafalo) mme a arabe le go tsibogela ditaelo tse di tlhomaganeng.
Supa maitsholo a a siameng a go reetsa ka go supa tlotlo fa sebui se bua, go bua ka go refosanya, go botsa dipotso gore a tlhaloganye sentle le go tshwaele ka se a setseng a se utlwile fa go tshwanela.
Reetsa dikgang, maboko, dipina le meraba e mengwe ya molomo ka boitumelo, mme a supa gore o a di tlhaloganya, ka go:
Reetsa gore setlhogo kgotsa kgangkgolo ke efe;
Reetsa ka go tlhopha dintlha;
Bonelapele se se tla diragalang;
Bega tatelano ya ditiragalo/dikakanyo tse di leng mo morabeng wa molomo;
Araba dipotso ka ga moraba;
Tlhagisa maikutlo ka ga moraba a bo a neela mabaka.
Reetsa le go kgatlhegela metlae le dithamalakwane a bo a di tsibogela ka go di ranola ka tshwanelo.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Reetsa ka tlhwaafalo (a oketsa kgotlelelo ya go reetsa ka tlhwaafalo) mme a arabe le go tsibogela ditaelo tse di latelanang tse di thata le go feta, tsa maemo a a mo tshwanetseng.
Supa maitsholo a a siameng a go reetsa ka go supa tlotlo fa sebui se bua, go bua ka go refosanya, go botsa dipotso gore a tlhaloganye sentle le go kgona go sosobanya kgotsa go tshwaele ka se a setseng a se utlwile.
Reetsa dikgang, maboko, dipina le meraba e mengwe ya molomo ka boitumelo, mme a supa gore o a di tlhaloganya, ka go:
Reetsa gore setlhogo kgotsa kgangkgolo ke efe;
Reetsa ka go tlhopha dintlha;
Bonelapele se se tla diragalang;
Bega tatelano ya ditiragalo/dikakanyo tse di leng mo morabeng wa molomo;
Araba dipotso ka ga moraba;
Tlhagisa maikutlo ka ga moraba a bo a neela mabaka;
Rala ditshwantsho go supa go tlhaloganya moraba wa molomo, le go kwala ka mafoko a gagwe.
Reetsa le go kgatlhegela metlae le dithamalakwane a bo a di tsibogela ka go di ranola ka tshwanelo.
Poelothuto ya 1 Tsweletso GO REETSA
Moithuti o kgona go theeletsa tshedimosetso le go ijesa monate, mme a arabe sentle le ka go sekaseka, mo maemong a a farologaneng
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Reetsa melaetsa a bo a e fetisa ka nepagalo.
Tsweletsa temogo ya medumopuo:
Farologanya fa gare ga difonimi, segolo motshimologong ya mafoko;
Lemoga mafoko a a rumisanang mo dipineng tse di itsegeng, (jaaka, dia le sia).
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go: Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Reetsa sebui se a sa se boneng (sekao: mo mogaleng) mme a tsibogela dipotso le ditaelo. Reetsa sebui se a sa se boneng (sekao: mo radiong) mme a tsibogela dipotso le ditaelo.
GO BUA
Moithuti o kgona go bua le go buisana ka go itshepa le ka nonofo mo maemong a a farologaneng.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Tlotla ka maitemogelo a gagwe a botshelo, maikutlo le dikgang.
Bua dikakanyo a dirisa dithanolo tse di natetshang le mafoko a a supang tiro.
Opela, boka, diragatsa le go mumuretsa dipina, maboko le maboko a bana.
Dirisa puo ka botshwantshi go ijesa monate le ditoro.
Dirisa puo ya maitlhomo go ijesa monate le go ijesa ditoro.
Fetisa melaetsa.
A tlhagisa ka tatelano maitemogelo a gagwe.
A tlotla khutshwe e e tlwaelegileng, e e nang le tshimologo, bogare le bokhutlo, a dirisa ditshwantsho go tshegetsa fa go tlhokega.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Tlhalosa ka tatelano maitemogelo a gagwe a botshelo, le dikgang ka kakaretso.
Dirisa puo ka botshwantshi go ijesa monate le ditoro (jaaka, go dira metlae, dithamakwane, go tshameka morabaraba wa mafoko le go itlhamela maboko).
Tlhama le go tlotla dikanelo tse di bonolo, tse di nang le tshimologo, bogare le bokhutlo, a dirisa puo e e tlhalosang, mme a efoga poeletso.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Tlhalosa ka tatelano maitemogelo a gagwe a botshelo, le dikgang ka kakaretso, mmogo le dikakanyo le maikutlo ka ga gagwe.
Dirisa puo ka botshwantshi go ijesa monate le ditoro (jaaka, go dira metlae, go itlhamela maboko le puo e e kgethegileng).
Tlhama le go tlotla dikanelo tse di bonolo,tse di nang le tshimologo, bogare le bokhutlo, a dirisa puo e e tlhalosang, mme a efoga poeletso, mme di na le diponagalo tsa poloto le boanedi.
Dirisa mekgwa e e farologaneng le tiriso ya diatla go tlotla kgang.
GO BUARe itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go bua le go buisana ka go itshepa le ka nonofo Nna le seabe mo dipuisanong tsa setlhopha le tsa mo mo maemong a a farologaneng. phaposing:
A botsa dipotso ka go refosanya, a supa masisi tebang le ditshwanelo le maikutlo a ba bangwe;
Bega boemong jwa setlhopha morago ga tiro ya setlhopha;
Tsibogela dipotso tse di bodiwang ke bareetsi.
Dirisa puo ka tshwanelo mo mabakeng le mo bathong ba ba farologaneng ka go:
botsolotsa moeng wa mogodi mo phaposing;
Etsisa maemo a a farologaneng jaaka go bopa botsala jo bošwa.
Farologanya segalo le modumo wa lentswe.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Nna le seabe mo dipuisanong tsa setlhopha le tsa mo phaposing:
Simolola setlhogo mo dipuisanong tsa setlhopha;
A botsa dipotso tse di maleba ka go refosanya;
A dira ditshikhinyo le go lotolotsa megopolo;
A supa masisi go ditshwanelo le maikutlo a ba bangwe;
Bega boemong jwa setlhopha morago ga tiro ya setlhopha;
A botsa dipotso go batla tshedifalelo le tshedimosetso;
A araba dipotso le mabaka a dikarabo;
A dira pegelo e e utlwalang;
Tlhagisa mekgwa ya go rarabolola mathata.
Dirisa puo ka tshwanelo mo mabakeng le mo bathong ba ba farologaneng (sekao: maitato, ditaletso, dipotsolotso le go etsisa).
Dirisa modumo le segalo se se tshwanetseng, jaaka, go buela kwa tlase le molekane mo phaposing le go buela kwa godimo fa a na le ditsala kwa patlelong.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Nna le seabe mo dipuisanong tsa setlhopha le tsa mo phaposing:
Simolola setlhogo mo dipuisanong tsa setlhopha;
A botsa dipotso tse di maleba ka go refosanya;
A dira ditshikhinyo le go lotolotsa megopolo;
A supa masisi go ditshwanelo le maikutlo a ba bangwe;
A dira tshobokanyo ya setlhopha;
A botsa dipotso go batla tshedifalelo le tshedimosetso;
A araba dipotso le mabaka a dikarabo;
A dira pegelo e e utlwalang;
Botsolotsa batho mo dipuisanong go fitlhelela maikaelelo a a rileng.
Dira ditlhagiso tsa molomo (sekao: ka setlhogo se se filweng, ka dipotsolotso tse a di dirilweng, neela pegelo ya leeto la kwa nageng):
Ka tshegetso kgotsa kemonokeng ya morutabana, a aga dikaedi tsa go dira tlhagiso e ntle;
Tlhalosa se a yang go se tlhagisa le gore o ya go se tlhagisa jang;
Dirisa ditshusathuto tsa dibogelwa go tshegetsa ditlhagiso tsa molomo;
Dirisa ditogamaano tse di tlwaelegileng go dira gore bareetsi ba nne le seabe (sekao: go ngoka bareetsi ka go kopanya matlho le bona);
Fetofetola lentswe, modumo le segalo.
A nna le seabe mo mmuisanong kgotsa mo motlotlong go supa bokgoni le kitso ya tsa loago.
Dielo tsa Tlhatlhobo Poelothuto ya 3
GO BUISA LE GO BOGELARe itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go buisa le go bogela a batla kitso le go ijesa monate, Dirisa ditshwantshetso tse di bogelwang go bopa mme a arabe ka go sekaseka bontle bokao:
le botaki, setso le dielo tsa maikutlo a a
Bolelelapele ka go leba sephuthelo sa buka gore leng teng mo merabeng. buka e bua ka ga eng?
Dirisa ditshwantsho go ranola bokao jwa dikanedi, a bo a anele kanedi;
Ranola tshedimosetso, go akarediwa ditheibole le dikerafo tse di fitlhelwang mo dikgatisong; bobegadikgannyeng le mo diphasalatsong, jaaka, dialemanaka le mananeo a sekolo, dipapetla tsa HIV/AIDS.
Etsisa go buisa:
Tshwara buka sentle e tlhamaletse;
Phutholola ditsebe ka tshwanelo;
Leba mafoko le ditshwantsho;
Dirisa ditshwantsho go bopa dikakanyo.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dirisa ditshwantshetso tse di bogelwang go bopa bokao:
Bolelelapele ka go leba sephuthelo sa buka gore buka e tla bua ka ga eng;
Malebana le ditshwantsho, bobegakgang jwa dikgatiso le dipapatso:
Ranola molaetsamogolo,
Go tlhaola maikaelelo, babogedi le gore di ka bonwa kae,
Supa tsibogo ya gagwe malebana le ditshwantsho tse di gatisitsweng le tsa bobegakgang.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dirisa ditshwantshetso tse di bogelwang go bopa bokao:
Buisa meraba ya dikerafo di tshwana le ditshwantsho, mebepe, ditshwantsho tsa fa fatshe, ditšhate, mme a:
Tlhalosa ka molomo kgotsa ka mokwalo gore bokao le mosola wa tsona ke eng,
Dirisa tshedimosetso ka tshwanelo, jaaka mmapa o o supetsang tsela, go sala morago dikgato mo resepeng,
Sekaseka setshwantsho mabapi le dipopnagalo tsa popego le gore a di nonofile kgotsa di siame.
Poelothuto ya 3 Tsweletso GO BUISA LE GO BOGELA
Moithuti o kgona go buisa le go bogela a batla kitso le go ijesa monate, mme a arabe ka go sekaseka bontle le botaki, setso le dielo tsa maikutlo a a leng teng mo merabeng.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Ntsha bokao jwa moraba o o kwadilweng:
Buisa kanelo le morutabana;
Go tlotla kakanyokgolo;
Go tlhaola dintlha (sekao: baanelwabagolo, tatelano ya ditiragalo, maitshetlego);
Ba tlhalosa gore a ba rata kanedi kgotsa nnyaa.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Ntsha bokao jwa moraba o o kwadilweng
Buisa kgang kana kanedi ka bobona kgotsa le morutabana, mme ba:
Tlhalosa kakanyokgolo,
Supa dintlhakgolo (jaaka, baanelwabagolo, tatelano ya ditiragalo, maitshetlego, jalo jalo),
Supa le go buisana ka dielo tsa setso mo kgannyeng kana kaneding,
Supa ditiragalo le mabaka a a di tlholang (goreng sengwe se diragala mo kgannyeng),
Tsaya ditshwetso kgotsa a ikakanyetsa gore bokhutlo bo tla nna jang,
Tlhalosa gore a ba ratile kgang kgotsa ga ba e rata, mme ba bo ba naya mabaka,
Buisa meraba e e mararanyana dikwalo tse di bonolo le dibuka tse e seng ditlhangwa, ditaelo tse di bonolo, ditaletso le dikarata tsa ditumediso, merabaraba ya mafoko, jalo jalo.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Ntsha bokao jwa moraba o o kwadilweng:
Tshwaela maleba le khutshwe kgotsa leboko le a le buisitseng, a bo a bontshe fa a tlhaloganya ka go araba dipotso tse di malebana le:
Kakanyokgolo,
Dintlha tsa botlhokwa jaaka baanelwabagolo, tatelano ya ditiragalo, maitshetlego, dielo tsa setso,
Kamano ya ditiragalo tebang le kgwediso kgotsa mabaka a a di tlholang (sekao, goreng phokojwe a re diterebe di botlha?),
Bokhutlo (sekao: kgang e, kana leinane le, le re ruta eng?), a o ratile kgang kgotsa nnyaya, a bo a neye mabaka,
Buisa ditaelo a bo a di sekaseke gore di amana jang le botshelo le ditlhokego tsa setho,
Buisa meraba e e farologaneng e e mararanyana e tshwana le dikwalo, dibukathuto, mananeo a diteng le ditshupane.
Poelothuto ya 3 Tsweletso GO BUISA LE GO BOGELA
Moithuti o kgona go buisa le go bogela a batla kitso le go ijesa monate, mme a arabe ka go sekaseka bontle le botaki, setso le dielo tsa maikutlo a a leng teng mo merabeng.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Lemoga ditlhaka le mafoko, le go ntsha bokao mo morabeng o o kwadilweng:
Buisa mokwalo o o bonolo mo mabakeng a afarologaneng jaaka dikanelo;
Buisa mokwalo wa gagwe le mokwalo wa baithuti ka ena;
Dirisa bokgoni jwa go lemoga medumopuo le mafoko go bopa mafoko a mašwa le a a sa tlwaelegang mo bokaelong (sekao: ditshwantshetso tsa dibogelwa jaaka popego ya lefoko le tlhaka, le ditemogo tsa ditshwantsho, bokaelo le kgolagano ya tlhaka-modumo).
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Lemoga le go ntsha bokao mo ditlhakeng le mo mafokong a meraba e meleele:
Buisa ka bonako le ka go elela;
Buisetsa kwa godimo e bile a kapodisa mafoko sentle le gona ka segalo se se tshwanelang;
Dirisa bokgoni jwa temogo ya medumopuo le mafoko le tekatlhaloganyo jaaka medumopuo le ditemogo tsa bokaelo go bopa bokao.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Ipuisetse meraba ka boena, mme a dirise ditogamaano tse di farologaneng go bopa bokao:
Buisa meraba e e tlantsweng ka thelelo e bile a tlhaloganya:
A kapodisa mafoko sentle fa a buisetsa kwa godimo,
A buisetsa kwa godimo a tlhagisa maikutlo, a gatelela fa go tlhokega, a kgaotsa, e bile a dirisa segalo se se maleba,
A dirisa bokgoni jwa go lemoga le jwa tekatlhaloganyo go buisa meraba e e sa tlwaelegang, jaaka, medumopuo, ditshwantshetso tsa tiriso, ponelopele,
A dirisa mefuta e e farologaneng ya go ikela tlhoko le go itshwaya diphoso fa a buisa, jaaka, go buisa a boeletsa, go tswelela go buisa, go buisa o kgaotsa le go ikatisa go buisa lefoko pele a le biletsa kwa godimo.
Poelothuto ya 3
Dielo tsa Tlhatlhobo
Tsweletso
GO BUISA LE GO BOGELARe itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go buisa le go bogela a batla kitso le go ijesa monate, Godisa temogo ya medumopuo:
mme a arabe ka go sekaseka bontle
Lemoga a bo a naya ditlhaka tsa alefabete maina; le botaki, setso le dielo tsa maikutlo a a
Tlhaloganya pharologano fa gare ga maina aleng teng mo merabeng. ditlhaka le medumo ya ditlhaka:
Tlhaloganya gore maina a ditlhaka ga a fetoge, mme medumo e e e emelang ditlhaka yona, e kgona go fetoga,
Kgaoganya mafoko a a bonolo a a simolola a bo a khutla ka tumanosi, jaaka, ema, ega, ota, atla,
Kgobokanya mafoko a a tlwaelegileng a a simololang a bo a khutla ka modumo o o tshwanang, jaaka, atla, ala, ana, aga,
Lemoga mafoko a a dirisiwang gantsi a a ka ikwalelang ona ka fa thoko mo bukeng ya gagwe, jaaka, wena, lona, nna ditshwantsho jaaka mokgwa wa go ruta mokwalo,
Arabela setshwantsho ka go kwala dipolelo tse di bonolo,
Tlotla le baithuti-ka-ena ka ditlhogo le dikakanyo tse di rileng (ka ditlhophana kgotsa ka sebedisebedi).
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Godisa temogo ya medumopuo:
Lemoga gore go na le mafoko a a thata a a nang le ditumanosi tse di pataganeng, jaaka, moakanyetso, selealeegi;
Lemoga gore mopeleto o o tshwanang o ka kapodisiwa ka mekgwa e e farologaneng, jaaka, go fitlha, go fitlha, go bua, go bua;
Lemoga gore modumopuo o le mongwe o ka peletiwa ka ditlhaka di le tharo, jaaka, tsh mo go tshasa, tlh mo go tlhatlhobo;
Lemoga gore go na le ditumanosi tsa Setswana di le supa;
Lemoga gore go na le mafoko a ditumanosi dingwe tsa ona di lelefadiwang jaaka e kete di pedi, jaaka, ngwega, moko, bomo.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Tiisa kitso ya medumopuo:
Lemoga gore go na le mafoko a a thatanyana a ditumanosi tse di pataganeng, jaaka, leitlho, ee, moakanyetso, selealeegi;
Lemoga gore mopeleto o o tshwanang o ka kapodisiwa ka mekgwa e e farologaneng, jaaka, go fitlha, go fitlha, go bua, go bua;
Lemoga gore modumopuo o le mongwe o ka peletiwa ka ditlhaka di le tharo go ya go di le nne, jaaka, tsh mo go tshasa, tlhw mo go tlhotlhwa;
Lemoga gore go na le ditumanosi tsa Setswana di le supa.
Dielo tsa Tlhatlhobo Tsweletso GO BUISA LE GO BOGELA Re itse seno fa moithuti a kgona go: Moithuti o kgona go buisa le go bogela a batla kitso le go ijesa monate, Buisetsa tshedimosetso le go e itumelela: mme a arabe ka go sekaseka bontle a buisa dibuka tsa ditshwantsho tse di nang le le botaki, setso le dielo tsa maikutlo a a ditlhalosetso tse di bonolo.
leng teng mo merabeng.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Go buisetsa tshedimosetso le go ijesa monate:
Buisa buka ya ditshwantsho le dikgang tse di bonolo tse a di itlhophetseng;
Supa go itumelela dikanedi tse di tswang mo ditsong tse di farologaneng;
Buisa mefuta ya meraba go ijesa monate (dikao: dimakasini, dikhomiki dibuka tsa metlae, dibuka tse e seng tsa maitlhomo);
Simolola go dirisa thanodi go netefatsa mopeleto le bokao jwa mafoko.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Go buisetsa tshedimosetso le go ijesa monate:
Tlhopha dikwalo tsa maitlhomo le tse e eseng tsa maitlhomo, le go tlhalosa se a se ratang le se a sa se rateng;
Buisa a bo a kgatlhagele dibuka tse di kwadilweng ke bakwadi ba ditso tse di farologaneng tse di buang ka ditiragalo le dikgolagano tse di farologaneng;
Buisa mefuta e e farologaneng ya meraba, (jaaka, dikhomiki/dibukana tsa metlae, dimakasine, dikuranta);
Itlhamela tlotlofoko ka go dirisa thanodi e bile na le thanodi ya gagwe;
Dirisa mananeo a diteng, tshupane, mafokothaetsi (key word), ditlhogo le dinomore tsa ditsebe go batla tshedimosetso;
Tshameka merabaraba ya mafoko e e batlang puiso, tlotlofoko, kitso le bokgoni;
le go bona metswedi ya tshedimosetso, jaaka, baagi ba setšhaba, dibuka tsa kwa laeboraring;
Simolola go sekaseka meraba ya molomo, e e kwadilweng le e e bogelwang go bona dielo tsa loago le setso, maitshwaro le diphopholetso. (sekao: jaaka mo phasalatsong ya sesepa sa lerole, bua gore se phasaladitswe go ngoka batho bafe, le diabe tse basadi le banna ba nang le tsona).
GO KWALARe itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go kwala mefuta e e farologaneng ya meraba ya Kwala ka mokwalo o o bonagalang: boammaaruri le ya maitlhomo a kwalela
Tshwara didirisiwa tsa go kwala di tshwana le mabaka a a farologaneng dikheraeyone le diphensele ka nonofo;
Godisa bokgoni jwa go bopa ditlhaka le mokwalo, dipaterone tsa ditshwantsho, go gatisetsa le go kopolola mafoko;
Tlhama ditlhaka tsa alefabete ka katlego.
Dira ditiro tsa pele ba kwala
Bopa le go dirisa ditshwantsho (metako) jaaka ntlhakgolo ya mokwalo;
Buisana le baithuti-ka-ena (ka sebedi kgotsa ka ditlhopha) ka ditlhogo le dikakanyo tse ba tlileng go kwala ka tsona;
Arabela setshwantsho ka go kwala dipolelo tse di bonolo.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dirisa ditogamaano tsa pele a kwala, go simolola go kwala:
Nna le seabe mo ditlhopheng tse di akantshanang go bona dikakanyo tsa go kwala;
Abela dikakanyo le baithuti-ka-ena le morutabana;
Tlhopha setlhogo se a ka kwalang ka sona, se a se ratang kgotsa se se botlhokwa mo go ena.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dirisa ditogamaano tsa pele a kwala, go simolola go kwala:
Dirisa ditogamaano tse di farologaneng tsa pele a kwala go kokoanya tshedimosetso le go tlhopha setlhogo (sekao: go akantshana, go kwala ka bolokologi, go bua le ditsala, ditshwantsho tse di bogelwang);
Simolola go rulaganya go kwala.
GO KWALARe itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go kwala mefuta e e farologaneng ya meraba ya Kwalela mabaka a a farologaneng boammaaruri le ya maitlhomo a kwalela
Rulaganya mananeo;
mabaka a a farologaneng
Kwala matshwao a a bonolo (dileibole) kgotsa ditlhogo tsa dikgang tse di tlileng go dirisetswa ditshwantsho tse di takilweng;
Bopa meraba e e bonolo e tshwana le dikarata tsa botsalo (ka moraba o o bogelwang le o o kwadiwang);
Dirisa ditogamaano tse di bonolo tsa go bona le go kwala/go rekota tshedimosetso (sekao: go lekanyetsa kgotsa go dira ditlhotlhomisi tsa gore go buiwa dipuo di le kae mo setlhopheng se se rileng);
Rulaganya tshedimosetso ka tsela e e bonolo a dirisa diforomo tsa dikerafo (sekao: karata, lenanetiro);
Kokoanya ditshwantsho tse di maleba le ditshwantsho tsa kerafiki go tlhalosa moraba;
Kokoanya, mme a arologanye ditshwantsho go ya ka magoro a tsona.
Akanyetsa go le boeletsa:
Neela ditshwaelo tsa dikakanyo mo setlhopheng, go ba kgontsha go kwala kgang (kwa tshimologong morutabana e le mokwaledi);
Poeletso ya moakanyetso wa moraba o o kwadilweng ke setlhopha, o tlhaloganyesege, o bo o ngoke maikutlo;
Kwala le go buisetsa morutabana le baithuti-ka-ena moakanyetso wa bona, mme a simolole go boeletsa.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Tlhama sekwalwa kgotsa setlhangwa a se tlhamela mabaka a a farologaneng:
Kwala meakanyetso le meraba e mekhutshwane a e kwalela mabaka a a farologaneng:
Mananeo a ditiro tsa beke,
Meraba e e itlhalosang e e bonolo, jaaka, dikarata tsa go leboga motho le makwalo,
Meraba e e bonolo ya tshedimosetso, jaaka, diresepe,
Thanolo e e bonolo ya maitemogelo le ditiragalo,
Dikgang kgotsa dikanedi, maboko le dipina tse di bonolo.
Kwala setlhogo se se maleba, se se tlhalosang diteng tsa moraba.
Boeletsa se a se kwadileng:
Buisana le ba bangwe ka se a se kwadileng le se se kwadilweng ke ba bangwe go bona ditshwaelo le go tshwaela ka tiro ya bona;
Runa kgotsa tseleganya se a se kwadileng (sekao: a tlosa kgotsa a oketsa mafoko go tlhalosa bokao, a rulaganya dipolelo sešwa, a tlhatlhoba a bo a siamisa mopeleto le matshwao a puiso);
Boeletsa se a se kwadileng morago ga go bua le ba bangwe.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Tlhama sekwalwa kgotsa setlhangwa a se tlhamela mabaka a a farologaneng:
Tlhopha sebopego sa moraba se se ka tshwanelang lebaka le bareetsi/babogedi (jaaka, go kwala mo bukatsatsing, a tlhalosa maikutlo a gagwe ka ga tiragalo e e rileng);
Kwala meraba e mekhutswane e a e tlhophetseng mabaka a a rileng (sekao: dikgang tsa temana e le nngwe kana tse pedi, tshekatsheko e e bonolo ya dibuka, diresepe, makwalo, mmuisano, ditaelo);
Kwala setlhogo se se maleba, se se tlhalosang diteng tsa moraba.
Boeletsa se a se kwadileng:
Buisana le ba bangwe ka se a se kwadileng le se se kwadilweng ke ba bangwe go bona ditshwaelo le go tshwaela ka tiro ya bona;
Runa kgotsa tseleganya se a se kwadileng (sekao: a tlosa kgotsa a oketsa mafoko go tlhalosa bokao, a rulaganya dipolelo sešwa, a tlhatlhoba a bo a siamisa mopeleto le matshwao a puiso);
Boeletsa se a se kwadileng morago ga go bona ditswaelo tsa ba bangwe.
Dielo tsa Tlhatlhobo Tsweletso GO KWALA Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go kwala mefuta e e farologaneng ya meraba ya Go kwala gore ba bangwe ba kgone go tlhaloganya, a boammaaruri le ya maitlhomo a kwalela dirisa melawana ya mokwalo:
mabaka a a farologaneng
Dirisa ditlhaka go bopa mafoko a a ikemetseng le dipolelwana tse dikhutshwane;
Tlogela dikgala kgotsa diphatlha fa gare ga mafoko;
Tlwaela go kwala a simololola kwa letsogong la molema go ya go la moja, go tswa kwa godimo go ya kwa tlase;
Dirisa dikakanyetso tsa go kwala gore ba simolole go kwala dipolelo tsa bona;
O simolola go dirisa matshwao a puiso a a tlwaelegileng (sekao: ditlhakakgolo le dikhutlo).
Simolola go aga tlotlofoko mme a simolole go peleta mafoko ka nepagalo gore a tle a buisiwe le go tlhaloganngwa ke ba bangwe:
Kwala mafoko a a emelang batho ba ba rileng, mafelo le dilo;
Peleta' mafoko a a tlwaelegileng ka nepagalo;
Leka go kwala mafoko a a sa tlwaelegang a dirisa kitso ya medumopuo;
Aga letlotlo la gagwe la mafoko le thanodi ya gagwe.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Phasalatsa' se a se kwadileng:
Abelana tiro ya gagwe le ba bangwe ka go e buisetsa kwa godimo kgotsa ka go e baya mo pontsheng mo phaposiborutelong;
Itirela dibuka tsa gagwe kgotsa dingatana tsa maboko kana dikhutshwe tsa mo phaposing.
Ikokoanyetsa tlotlofoko e bile a peleta mafoko ntle le thuso:
Lekelela le go dirisa mafoko a a tswang mo puong le mo maitemogelong a gagwe;
Peleta mafoko a a tlwaelegileng ka nepagalo;
Dirisa mokwalotshwano (homophones) ka nepagalo le ka nonofo (fitlha, fitlha, bua, bua);
Leka go peleta mafoko a a sa tlwaelegang a dirisa kitso ya medumopuo;
Ikagela letlotlo la mafoko le thanodi;
Dirisa thanodi go netefatsa mopeleto le bokao jwa mafoko;
Dirisa kitso ya medumopuo le melawana ya mopeleto go kwala mafoko a a sa tlwaelegang.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Phasalatsa' se a se kwadileng:
Abelana tiro ya gagwe le ba bangwe ka go e buisetsa kwa godimo kgotsa ka go e baya mo pontsheng;
Abelana se a se kwadileng le babuisi ba a ba tlhophileng go ka buisa moraba wa gagwe, ba tshwana le balosika kgotsa ditsala (sekao: makwalo, melaetsa, ditaelo);
Itirela dibuka ya gagwe kgotsa dingatana tsa maboko kana dikhutshwe tsa mo phaposing.
Ikokoanyetsa tlotlofoko e bile a peleta mafoko ntle le thuso:
Farologanya tlotlofoko go ngoka maikutlo le mo mabakeng a a kgethegileng;
Lekelela le go dirisa mafoko a a tswang mo dikgannye, bobegakgannye, metlaeng, puong ya molomo ya ditsala le ya ba bangwe;
Fetisetsa mafoko a a tswang mo maitemogelong a a fa godimo go kwala;
Ikokoanyetsa letlotlo la mafoko le go itlhamela thanodi ya gagwe;
Dirisa thanodi go netefatsa mopeleto le bokao jwa mafoko;
Dirisa kitso ya medumopuo le melawana ya mopeleto go kwala mafoko a a sa tlwaelegang.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Tsweletso GO KWALA (Ga go na Dielo tsa Tlhatlhobo tsa Poelothuto e, mo Moithuti o kgona go kwala Kereiting ya 1.) mefuta e e farologaneng ya meraba ya boammaaruri le ya maitlhomo a kwalela mabaka a a farologaneng
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Kwala gore batho ba bangwe ba kgone go tlhaloganya le go dirisa dipopegopuo tse di maleba, ga mmogo le melawana ya mokwalo:
Dirisa dipopego tsa go kwala tse di bontshang mefuta e e farologaneng ya dipolelo le dipopego tsa moraba;
Dirisa matshwaopuiso a a bonolo(ditlhakakgolo le dikhutlo);
Lekelela go dirisa matshwaopuiso a tshwana le letshwaotsiboso le la potso;
Diragatsa kitso ya thutapuo;
Dirisa malepa mangwe a boaneledi (Ga twe e rile, Bokhutlo);
Dirisa meraba mengwe ya tshedimosetso e tshwana le diresepe.
Kwala ka mokwalo o o bonagalang botoka:
Dirisa didirisiwa kgotsa ditlamelo tsa mokwalo ka nonofo;
Bopa ditlhaka bonolo e bile di bonala;
Kwala a repile le ka lebelo ka ntlha ya go ikatisa kgabetsakgabetsa.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dirisa dipopegopuo tse di maleba le melawana ya mokwalo:
Simolola go kokoanya dipolelo go bopa ditemana;
Dirisa matshwaopuiso ka tshwanelo (ditlha-kakgolo, dikhutlo, dipotso, diphegelwana, lenalana/aphoseterofi, matshwaotsiboso);
Diragatsa kitso ya thutapuo;
Dirisa kitso ya meraba e mengwe jaakadimmotlolo kgotsa dikao tsa go kwala;
Dirisa popego ya kanedi;
Dirisa dipopego tsa meraba ya tshedimosetso di tshwana le ditekelelo.
Kwala ka mokwalo o o bonagalang:
Kwala a repile e bile a oketsa lebelo la go kwala fa a ntse a ikatisa kgabetsakgabetsa;
Fetsa tiro ya go kwala ka nako e e lekanyeditsweng.
GO AKANYA LE GO BATLA MABAKA Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go dirisa puo go akanya le go batla mabaka, mme a Dirisa puo go godisa megopolo:
fitlhelele, a bo a tlhotlhe
Supa kitso e e golang ya megopolo ka ga bongwe letshedimosetso e a e boneng, morago bontsi, bogolo le popego, bokaelo, tsela, mmala, a e dirisetse go ithuta. lebelo, nako, dingwaga, tatelano;
Tlhaloganya e bile a dirisa puo ya megopolo (conceptual language) ya dikarolothuto tse di farologaneng tse di botlhokwa mo maemong a kereiti e a leng mo go yona, e bile a ntse a ipaakanyetsa maemo a a latelang.
Dirisa puo go akanya le go batla mabaka:
Tlhaloganya e bile a dirisa puo go ntsha dikakanyo tse di utlwalang le go batla mabaka, jaaka, go tlholana kgotsa go bakana;
Aroganya tshedimosetso (jaaka, kgobokanya mefuta e e farologaneng ya diphologolo);
Lemoga dikarolo tsa selo sotlhe (jaaka, dikarolo tsa baesekele, dikarolo tsa sejwalo);
Lemoga go tshwana le go farologana, a dirisa puo e e tshwanelang (jaaka, tshwana le, farologana le).
Dirisa puo go batlisisa le go utolola:
Botsa dipotso e bile a batla dithanolo;
Neelana ka dithanolo le ditharabololo;
Dirisa ditogamaano tse di bonolo go bona le go rekota tshedimosetso jaaka go lekanyetsa kgotsa go batlisisa gore dipuo tse di buiwang mo setlhopheng di kae, kgotsa go bona tshedimosetso e e maleba mo merabeng;
Rarabolola merabaraba ya ditshwantsho le ya mafoko.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dirisa puo go godisa megopolo:
Tlhaloganya e bile a dirisa puo ya megopolo (conceptual language) ya dikarolothuto tse di farologaneng tse di botlhokwa mo maemong a kereiti e a leng mo go yona, e bile a ntse a ipaakanyetsa maemo a a latelang.
Dirisa puo go akanya le go batla mabaka:
Tlhaloganya e bile a dirisa puo go ntshamegopolo le go batla mabaka, jaaka, gotlholana kgotsa go bakana, tatelano e eutlwalang ya dikakanyo;
Dirisa go akanya ga maemo a a kwa godimo le puo e e tsamaelanang le gona, jaaka, go tlatsa dikgala, go batla mabaka, go diragatsa kitso, go tlhatlhoba (jaaka, Ke nagana gore ..., Ke a ipotsa gore ...);
Lemoga go tshwana le go farologana (jaaka, tshwana le, farologana le) a bo a a aroganya dilo;
Bapisa dilo.
Dirisa puo go batlisisa le go utolola:
Botsa dipotso a bo a batla dithanolo, a naya dittharabololo le diphapaano;
Dirisa kitso ya metswedi e e farologaneng go tlhopha tse a di tlhokang, mme a kgona go ntsha mabaka a gore ke eng a dirile tlhopho eo.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dirisa puo go godisa megopolo:
Tlhaloganya e bile a dirisa puo ya megopolo (conceptual language) ya dikarolothuto tse di farologaneng tse di botlhokwa mo maemong a kereiti e a leng mo go yona, e bile a ntse a ipaakanyetsa maemo a a latelang.
Dirisa puo go akanya le go batla mabaka:
Tlhaloganya e bile a dirisa puo go ntsha megopolo le go batla mabaka, jaaka, go tlholana kgotsa go bakana, go tsaya ditshwetso;
Dirisa go akanya ga maemo a a kwa godimo le puo e e tsamaelanang le gona, jaaka, "Fa ke ka bona madi, gona nka aga ntlokgolo";
Dirisa puo go tlhalosa go tshwana le go farologana, le go sekaseka, go bapisa le go fapologantsha.
Dirisa puo go batlisisa le go utolola:
Botsa dipotso go tlhaloganya, go batla dithanolo, go tlhagisa diphapaano. (jaaka, Gongwe re ka leka ..., O akanya eng ka? Fa ke ka dira se gona...?)
Poelothuto ya 5 Dielo tsa Tlhatlhobo
Tsweletso
GO AKANYA LE GO BATLA MABAKA Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go dirisa puo go akanya le go batla mabaka, mme a fitlhelele, a bo a tlhotlhe tshedimosetso e a e boneng, morago a e dirisetse go ithuta.
Tlhotlha tshedimosetso:
Rulaganya tshedimosetso ka dikerafo tse di bonolo jaaka, ditšhate, mananeo a tiro, jalo jalo.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dirisa ditogamaano tse di bonolo go bona le go rekota tshedimosetso (jaaka, go batla metswedi kwa laeboraring ka thuso ya motsadi kgotsa moithuti yo mogolo).
Tlhotlha tshedimosetso:
Ntsha tshedimosetso e e tlhophilweng go tswa mo morabeng a bo a e tlhotlha,
Rulaganya tshedimosetso ka dikerafo tse di bonolo (jaaka, ditšhate, mananeo a tiro),
Dirisa puo go tlhalosa go tshwana le go farologana, le go sekaseka, go bapisa le go fapologantsha tshedimosetso.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dira tlhotlhomisi kgotsa patlisiso e e bonolo:
Botsa dipotso tse di thusang go tlhalosa tiro e bile a bona tshedimosetso e e maleba (jaaka, re tlhoka eng go itse, go dira, go bona; gona re ka bona tshedimosetso kae?);
Rulaganya dikgato tsa tiro le go abelana maikarabelo (jaaka, gore go dirwe eng, ke mang yo o tla se dirang);
Dirisa ditogamaano tse di bonolo go bona tshedimosetso:
Kgona go botsolotsa le go lekanyetsa,
Botsa dipotso tse di maleba,
Batla mo laeboraring (a thusiwa ke mogolo kgotsa moithuti yo mogolo).
Tshegetsa e bile a tlhalosa dikakanyo ka go ntsha mabaka le bopaki;
Sosobanya tshedimosetso a bo a e tlhagisa ka tshwanelo le ka mokgwa o o natefang.
Tlhotlha tshedimosetso:
Rekota e bile a rulaganya tshedimosetso ka mekgwa e e farologaneng:
Tlhopha tshedimosetso a bo a tsaya dintlha,
Tlhomaganya tshedimosetso a bo a e baya ka fa tlase ga ditlhogo;
Dirisa puo go tlhalosa go tshwana le go farologana, le go sekaseka, go bapisa le go fapologantsha tshedimosetso.
POPEGOPUO LE TIRISORe itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go dirisa medumo, mafoko le thutapuo ya puo go Golaganya medumo le ditlhaka le mafoko:
tlhama le go ranola meraba
Kgaoganya mafoko a a buiwang a dinokodintsi ka dinoko (jaaka, a ka nna a dumisa dinoko mo mafokong a tshwana le, se-ko-lo kgotsa pa-na-na);
Dirisa medumopuo go buisa le go peleta.
Dira ka mafoko:
Itse gore lefoko le le kwadilweng le simolola fa kae e bile le felela fa kae, mme a tlogela diphatlha fa gare ga mafoko;
Peleta mafoko a a tlwaelegileng ka nepagalo;
Bopa bontsi jwa mafoko a a tlwaelegileng;
Lemoga a bo a dirisa ditlhogo tsa mafoko;
Lemoga nyenyefatso;
Kgobokanya mafoko, jaaka, mafoko a a rumisanang kgotsa a na le tlhogo e e tshwanang;
Dirisa ditlhakakgolo mo maineng, jaaka mo go, Mpho.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Golaganya medumo le ditlhaka le mafoko, ka go:
Dirisa medumopuo go peleta mafoko a a sa tlwaelegang.
Dira ka mafoko:
Lemoga le go dirisa ditlhogo le megatlana e mentsinyana;
Dirisa nyenyefatso;
Peleta mafoko a a tlwaelegileng ka nepagalo;
Dirisa thanodi go netefatsa mopeleto;
Lemoga mangwe a makaelagongwe le malatodi.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Golaganya medumo le ditlhaka le mafoko, ka go:
Dirisa medumopuo go peleta mafoko a a sa tlwaelegang.
Dira ka mafoko:
Dirisa melawana ya mopeleto go peleta;
Dirisa metswedi e e farologaneng go netefatsa mopeleto;
Dirisa ditlhogo le ditlhongwa go bopa mafoko;
Tlhaola le drisa makaelagongwe le malatodi a mantsi.
Dielo tsa Tlhatlhobo Tsweletso POPEGOPUO LE TIRISO Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go dirisa medumo, mafoko le thutapuo ya puo go Dira ka dipolelo:
tlhama le go ranola meraba
Kwa dipolelo tse di bonolo, jaaka, Phaladi o tsere sekgele;
Dirisa matshwaopuiso - tlhakakgolo kwa tshimologong ya polelo le khutlo kwa bokhutlong jwa polelo;
Dirisa maina, maemedi (Nna, wena, ena) le masupi sentle;
Dirisa Pakajaanong le Pakaphethi e e bonolo sentle.
Dira ka meraba:
Latelanya moraba (jaaka, ka go dirisa mafoko a tshwana le, 'morago, ga latela' mo thanolong ya ditiragalo tse di latelanang);
Bua ka ga meraba (jaaka, dikgang/dikanedi, a dirisa mareo a tshwana le, matseno, mmele le bokhutlo).
Dirisa puo go buisana le go golagana, ka go:
Dirisa puo go supa maitsholomantle (jaaka, go kopa ka bonolo: tsweetswee, tuu, ke kopa);
Fetola segalo sa lentswe go ya ka mabaka.
Kgato ya Motheo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dira ka dipolelo:
Kopanya dipolelo tse di bonolo tse pedi (dipolelwana) ka lekopanyi ('le' kgotsa mme) go bopa Polelopate, jaaka, Phaladi o tsere sekgele mme a se atla;
Dirisa mekgwa ya kganetso sentle (jaaka, O ka se ka wa dira jalo; Ga o ne o bona sepe mo go nna);
Lemoga a bo a dirisa maina, maemedi, (Nna, wena, ena) matlhaodi, madiri le masupi sentle.
Dirisa Pakajaanong, Pakaphethi le Pakatlang tse di bonolo, sentle;
Dirisa mefuta e e farologaneng ya dipolelo dipotso, ditlhagiso, ditsibogo exclamations;
Dirisa matshwaopuiso sentle (letshwaopotso, phegelwana, go kgaoganya dintlha mo lenaneong, ditlhakakgolo go kwala mainatota jaaka, Mmapula.)
Dira ka meraba:
Latelanya moraba ka go dirisa mafoko a tshwana le, 'la ntlha', 'morago', 'ga latela', 'kwa bokhutlo';
Golaganya dipolelo go bopa ditemana;
Lemoga dipharologantsho (characteristics) tsa mefuta e e farologaneng ya meraba (jaaka, kanedi, ditaelo, dithanolo tsa tatelano ya ditiragalo)
Dirisa puo go buisana le go golagana, ka go:
Dirisa puo go supa maitsholomantle (jaaka, go kopa maitshwarelo).
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dira ka dipolelo:
Tlhaola sediri, lediri le sedirwa mo polelong;
Dirisa dithuanyisediri le dithuanyisedirwa ka tshwanelo;
Dirisa makopanyi go tlhalosa go tlholana (Ke a ja. ka gonne ke tshwerwe ke tlala);
Dirisa dipaka tsa lediri tse di matswakabele;
Dirisa mefuta e e farologaneng ya dipolelo (dipotso, ditlhagiso, ditsibogo ditaelo);
Tlhaola le go dirisa maina, maemedi, matlhaodi, madiri le matlhalosi ka tshwanelo;
Dirisa matshwaopuiso sentle (letshwaopotso, phegelwana, go kgaoganya dintlha mo lenaneong, ditlhakakgolo go kwala mainatota; jaaka, Mmapula).
Dira ka meraba:
Golaganya dipolelo go bopa ditemana, mme tiriso ya dipaka e sa fetoge.
Dirisa puo go golagana:
Dirisa puo go supa maitsholomantle (jaaka, go kopa maitshwarelo).
Dielo tsa Tlhatlhobo Tsweletso POPEGOPUO LE TIRISO Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go dirisa medumo, mafoko le thutapuo ya puo go Godisa temogo e e botlhokwa ya puo, ka go:
tlhama le go ranola meraba
Lemoga pharologano fa gare ga puo e e dirisiwang mo phaposiborutelong (jaaka, ka nako ya dikgang) le ya fa a tshameka le ditsala, mme a utolole gore ke goreng go dirisiwa puo e e farologanang mo merabeng e e farologaneng.
Dirisa 'puo-ka-ga-puo':
jaaka, 'polelo', 'ditlhakakgolo', 'khutlo', 'thanodi'.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Godisa temogo e e botlhokwa ya puo, ka go: Godisa temogo e e botlhokwa ya puo, ka go:
Tlhalosa mafoko a ka tlwaelo a dirisiwang go
Tlhotlhomisa mokgwa o setlhopha se dirisang tlhalosa basimane le basetsana, mebala e e mmuo ka teng, le mang le mo mabakeng afe. golaganngwang le basimane le basetsana (jaaka, 'o montle', 'o maatla'). Tlhalosa gore dithanolo di ama batho jang, le gore a go siame gore motho a tswelele go dirisa mofuta o wa puo kgotsa nnyaya.
Dirisa 'puo-ka-ga-puo': Dirisa 'puo-ka-ga-puo':
jaaka, 'maina', 'ditlhogo', 'matlhaodi',
(jaaka, sediri, lediri. sedirwa, dipotso, 'maemedi', 'madiri', 'matlhalosi', ditlhagiso, ditaelo, makopanyi, tshwantshanyo, 'phegelwana', 'letshwaopotso', 'temana'.). tshwantshiso, malatodi, makaelagongwe, matshwaokgakgamalo.
KGAOLO 3KGATO YA MAGARENG(DIKEREITI 4 - 6)
MATSENO
Mo Kgatong ya Magareng, baithuti ba tsena mo bosimeng (adolescence). Ba a tlhobaela, ba matlhagatlhaga, mme ba tsibogela tlhotlheletso ya balekane ba bona, ka ntlha ya go tlhoka go itshepa. Ba a iteba e bile ba rata go itse gore ke bo mang le gore ba rata go nna eng. Merero e e amanang bobona e simolola go nna botlhokwa thata, ka jalo, go botlhokwa thata go gakologelwa kgolagano e e leng teng fa gare ga puo le bobona (identity) mo nageng e ya rona ya dipuodintsi le ditsodintsi. Tse dingwe tsa diponagalo tsa baithuti mo Kgatong e, ke tse di latelang:
Ba nna masisi thata tebang le gore ditiro tsa bona di amana ba bangwe jang.
Ba simolola go tlhokomela ditlhokego, dikeletso le ditebelelo tsa ba bangwe (mokgwa o ba lebang dikakanyo tsa ba bangwe ka teng).
Ba simolola go dirisana sentle, ba le mo ditlhopheng, ba dirisana ka bolokologi.
Ba simolola go itumelela go kampana le ditiro tse ba di dirang ba le bosi.
Ka jalo ba supa keletso ya go laola go ithuta ga bona.
nna le maikaelelo le thulaganyo mabapi le go leba dilo ga bona.
Ba kgona thata go fitlhelela, go kwala (rekota) le go sokasokana le tshedimosetso.
Ba gola ka bokgoni jwa go dira dipatlisiso, go tshwantshanya le go leba dilo ka leitlho le lentšhotšho.
Tsepamiso
Mo Kgatong e, baithuti ba tiisa ba bo ba go godisa bokgoni jwa bona jwa go buisa le go kwala (litheresei), gape ba aga boitshepo le go bua ka thelelo ga bona, ga puo ya molomo. Tiro e e akaretsang kharikhulamo yotlhe e tla nna karolo e e botlhokwa ya karolo ya ditiro tsa go ithuta.
Mefuta e e farologaneng ya meraba
Baithuti ba tla dira ka meraba e e farologaneng go na le mo Kgatong ya Motheo. Puo le diteng tsa meraba ga di kitla di tlhola di nna matswakabele le go feta. Di tla tlhagisetsa baithuti meraba ya molomo le dikwalo tse di kwadilweng, le merero ya botlhokwa ya tsa loago le ya tikologo.
Ditiro tsa go ithuta tse di lomaganeng
Go thusa go bopa dielo tsa tlhatlhobo tse di sedifetseng, poelo nngwe le nngwe e na le bokgoni jo bo farologaneng jaaka tirokgolo, (go reetsa, go bua, go buisa, go bogela, go kwala, go akanya le go batla mabaka le popegopuo le tiriso). Le fa go ntse jalo, mo mananeong a go ithuta, dintlha tse tsa diteng, di tshwanetse go lomaganngwa le go logaganngwa le ditiro tsa go ithuta ka maikaelelo a a tlhaloganyesegang e bile a le maleba.
Diteng tsa mefutafuta tse di anameng
Diteng tse di maleba di tshwanetse go tsewa mo mererong ya mefuta e e farologaneng, go lebeletswe ditlhokego tsa moithuti mongwe le mongwe, le merero e e anameng ya tsa loago/setšhaba. Ba leke go akaretsa dilo tse di tlhobaetsang tsa setšhaba jaaka boidiidi, Lebolelamading/Phate (HIV-AIDS) le bosenyi. Ga di a tshwanela go tsewa fela jaaka karolo ya diteng tsa moraba, nnyaya, di tshwanetse go tsewa jaaka karolo e e rulaganeng ya maitemogelo a go ithuta. Ka tsela e, o ka lemosa baithuti tiriso e e dumelesegang ya puo wa bo wa ba kgontsha go aga bokgoni jwa go leba dilo ka leitlho le lentšhontšho, jaaka go:
Lemoga dilo di tshwana le ditlwaelo tse di masisi.
Ithuta ka moo moraba o tlhotlheletsang babuisi go nna le tebelo e e rileng ka teng; le
Gwetlha tiriso ya mokgwa o, wa puo.
Ka mokgwa o, barutabana le baithuti ba tla:
Fitlhelela Dipoelothuto tsa Botlhokwa (Critical outcomes) tse di lesomepedi , ba bo ba,
Ipaakanyetsa ditiro tse raraaneng/matswakabele tsa go ithuta, gammogo le Dielo tsa Tlhatlhobo tse di marara, mo Kgatong e Kgolo.
DIPOELOTHUTO
Poelothuto ya 1: Go reetsa
Moithuti o kgona go theeletsa tshedimosetso le go ijesa monate, mme a arabe sentle ka go sekaseka, mo mabakeng/maemong a a farologaneng.
Mo nakong e, bokgoni jwa baithuti jwa go reetsa bo looditswe go ba kgontsha go reetsa meraba ya molomo e e okeditsweng (meraba ya tlhwaafalo le e seng ya tlhwaafalo) malebana le mabaka a a farologaneng.
Poelothuto ya 2: Go bua
Moithuti o kgona go bua/go buisana ka go itshepa le ka nonofo ka puo e e buiwang, mo mabakeng/maemong a a farologaneng.
Maemo a tsa loago a fetoga fa moithuti a ntse a gola. A simolola go ba gwetlha gore ba nne le boitshepo le nonofo mo puong e ba e buang. Bokgoni jo, ka jalo, bo tswelela go godisiwa gore baithuti ba tokafatse bokgoni jwa bone jwa go bua, mme ba tsibogele dipharologano tsa setso, mme ba ithute go bona mosola wa dipuodintsi/ditementsi.
Poelothuto ya 3: Go buisa le go bogela
Moithuti o kgona go buisa le go bogela a batla tshedimosetso/kitso le go ijesa monate, mme a arabele, ka go sekaseka, bontle le botaki, setso le botlhokwa jwa dielo tsa botshelo tse a di fitlhelang mo merabeng.
Go buisa dikwalo tsa boammaaruri le tsa maitlhomo tsa Aforika Borwa le tsa boditšhatšhaba, go botlhokwa mo kgodisong ya maikutlo, mo tlhabololong ya puo, mo bokgoning jwa go buisa le go kwala, go tlhaloganya dielo tsa botshelo, le go ijesa monate.
Poelothuto ya 4: Go kwala
Moithuti o kgona go kwala mefuta e e farologaneng ya meraba ya boammaruri le ya maitlhomo a e kwalela mabaka a a farologaneng.
Baithuti ba tswelela go godisa bokgoni jwa bona jwa go kwalela mabaka le babogedi/babuisi/bareetsi ba ba farologaneng. Ba simolola go tlhabolola le go rulaganya dikakanyo ka tshwanelo mo merabeng ya boam-maaruri le ya boitlhamedi ka go sala morago dikgato tsa tsamaiso ya go kwala.
Poelothuto ya 5: Go akanya le go batla mabaka
Moithuti o kgona go dirisa puo go akanya le go batla mabaka, go fitlhelela, le go tlhotlha tshedimosetso, gore morago a dirise kitso e go ithuta.
Bokgoni jwa go akanya, re akaretsa 'go akanya ka ga go akanya' (metacognition) le letheresi ya tshedimosetso, di botlhokwa mo tirong yotlhe ya kharikhulamo le mo katlegong ya thuto. Bo tshwanetse go rutiwa ka mokgwa o o lomaganeng ka tiriso ya ditiro tsa go rarabolola mathata ka mabaka a a tlhaloganyesegang e bile a le botlhokwa mo thutong. Mo dikarolong tse di latelang, re naya Dielo tsa Tlhatlhobo tsa Polelothuto nngwe le nngwe, mme re di naya ka kereiti ka kereiti. Gape re neelana ka dikao tsa meraba e e ka dirisiwang go ithuta puo ka mokgwa o o lomaganeng.
Poelothuto ya 6: Popegopuo le tiriso
Moithuti o kgona go dirisa medumo, mafoko le thutapuo ya puo go tlhama le go ranola meraba.
Baithuti ba tla batlisisa gore puo e dira jang, mme ba godisa puo e ba e abelanang ya go bua ka ga puo (puo-ka-ga-puo/'metalanguage'), gore ba tle ba kgone go sekaseka meraba ya bona le e mengwe tebang le bokao, nonofo le nepagalo. Gape, ba tla kgona go dirisa kitso e go lekeletsa go bopa bokao (go tswa mo mafokong le mo dipolelong go fitlha ka meraba yotlhe) ka puo, le gore ba bone ka moo moraba le tiriso di tsamaelanang ka teng. Ba tla lemoga ka moo puo e fetogang le dinako le fa e kopana le ditso tse dingwe ka teng, le ka moo e fetogang ka teng mo mabakeng a a farologaneng.
DIELO TSA TLHATLHOBO LE MERABA YA DIKEREITI TSA 4 - 6
Kereiti ya 4
Meraba e e tshikhinngwang
Meraba Motlotlo:
Dipuisano
Dipuo
Maboko
Mmino wa ditemana
Dikanedi (sekao: dianelaphologolo, dikahisetori, dikgang)
Dipegelo tsa ditiragalo
Metlae, dithamalakwane le maboko a a nang le mela e metlhano e bile a na le metlae/limeriki
Tsa bosa
Dipotsolotso
Dipuisano tse khutshwane
Dipina
Metshameko ya mafoko
Ditaelo (sekao: tsa metshameko)
Dikaelo
Go kwala/Go bogela:
Maboko
Dikgang
Dipegelo (sekao: boneteshi, tsa bosa, kotsi, tsa metshameko)
Dikanedi (sekao: dianelaphologolo, dikahisetori, dikgang)
Ditsamaiso (sekao: meapeo/diresepi, ditaelo)
Makwalo
Dibukatsatsi
Ditaelo
Metswedi/Dibukatshedimosetso (sekao: dithanodi, ensaetlelopedia)
Dibukathuto (go tswa dikarolothutong tse di farologaneng)
Ditshwantsho tse di thadilweng
Dikerafo tsa bara
Dikarata tsa dikakanyo
Mebepe/Dimmapa
Kereiti ya 4
Meraba e e tshikhinngwang
Bobegakgang-bontsi:
Diterama tsa bana tsa thelebišene
Ditiragatso
Dipapatso
Kereiti ya 5
Meraba e e tshikhinngwang
Meraba Motlotlo:
Dipuo
Metshameko ya radio
Maboko a molomo (sekao; direto, dibalate)
Dikanedi (jaaka, ditori/dikgang, dianelaphologolo, dianelalebopo, dikahisetori)
Ditaelo
Dikaelo
Dikgang
Dipegelo - tsa bosa, tsa metshameko, jalo jalo.
Dipina tsa dikhwaere
Metlotlo/Ditlhatlhelelo tse dikhutshwane
Dingangisano
Metshameko
Metlae, dikhutshwe tse di metlae
Go kwala/Go bogela:
Maboko
Dikanedi (sekao: dikanedi, dianelaphologolo, dianelalebopo, dikahisetoi)
Makwalo
Ditshekatsheko tsa dibuka
Dibukatsatsi
Dijenale
Dipegelo
Metswedi/Dibukatshedimosetso (sekao: dithanodi, ensaetlelopedia)
Dibukathuto (tsa dikarolothuto tse di farologaneng)
Ditshwantsho (Dinepe)
Dikerafo
Ditheibole (Mealo)
Dikarata tsa dikakanyo
Kereiti ya 5
Meraba e e tshikhinngwang
Bobegakgang-bontsi:
Difilimi
Ditiragatso
Dipontsho
Kereiti ya 6
Meraba e e tshikhinngwang
Meraba Motlotlo:
Dipuisano
Dikopano
Dikganetsano
Dikhutshwe
Metshameko sekao: khomedi, tlaopo/tshotlo satire
Dipuisano tsa radio
Dikgang
Ditaelo
Dikaelo
Dithanolo
Poko ya molomo/puiso ya poko (sekao: poko ya bogologolo, direto)
Ditherisano
Go kwala:
Dipadi
Dikhutshwe
Maboko
Diathikele tsa makwalodikgang le dimakasine
Dipegelo (sekao: tsa bosenyi, dikotsi, tsa metshameko)
Dikaelo
Metswedi/Dibukatshedimosetso (sekao: dithanodi, ensaetlelopedia)
Dibukathuto (go tswa dikarolothutong tse di farologaneng)
Dipapatso
Dikerafo - mefuta e e farologaneng.
Ditheibole
Ditshwantsho
Mebepe/Dimmapa
Kereiti ya 6
Meraba e e tshikhinngwang
Bobegakgang-bontsi:
Difilimi le baesekopo
Mananeo a a faphegileng a ditiragalo tsa botshelo (documentaries)
Dikhathunu
Mananeo a thelebišene (sekao: khomedi/metlae, tlaopo)
Ditiragatso
Dipontsho
GO REETSARe itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go theeletsa tshedimosetso le go ijesa monate, Itumelela go reetsa mefuta e e farologaneng ya meraba mme a arabe sentle le ka go ya molomo mme a araba ka tshwanelo, jaaka, sekaseka mo mabakeng/maemong a a dikanedi, dianelaphologolo, dipegelo tse farologaneng. dikhutshwane.
Tlhalosa kakanyokgolo le dintlha tse di rileng tsa moraba, mme a di golaganya le maitemogelo a gagwe a botshelo.
Tlhalosa tiriso ya mafoko, dikapolelo le puo ya mmele ya sebui le gore di ama moreetsi jang. (sekao: o ne wa ikutlwa jang morago ga go reetsa sebui? Ke eng se a se buileng/dirileng se se dirileng gore o ikutlwe jalo?)
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Itumelela go reetsa mefuta e e farologaneng ya meraba ya molomo, jaaka, dikanedi, dianelalebopo, dikopelo tsa dikhwaere, metlae le dithamalakwane, le metshameko e mekhutshwane a bo a araba ka tshwanelo.
Lemoga molaetsamogolo le merero/dithitokgang mo merabeng ya molomo a bo a e golaganya le botshelo jwa letsatsi le letsatsi.
Lemoga diponagalo tsa meraba ya molomo (popego, puo, segalo, mmuo, jalo jalo) tse di dirang gore e tshwanele mabaka a a farologaneng le bareetsi/babuisi/babogedi ba ba farologaneng.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Itumelela go reetsa le go araba ka go sekaseka, mefuta e e farologaneng ya meraba ya molomo, jaaka, dikanedi, dikahisetori, dingangisano, maboko, metshameko le dipuo.
Lemoga merero/dithitokgang, a bo a botsa dipotso, mme a golaganya dikakanyo le maitemogelo a gagwe a botshelo.
Lemoga a bo a tlhalosa diponagalokgolo di tshwana le tiriso, puo ya mmele ya sebui, diteng, mmuo le tlhopho ya mafoko, mme a:
Tlhalosa gore di ama moreetsi jang le gore goreng?
Tlhalosa ka moo diponagalo tse di ka fetogang ka teng mabapi le mabaka le bareetsi ba ba farologaneng;
Tlhalosa ka moo diponagalo tse di bayang sebui le moreetsi (malebana le bolaodi le maatla, maikutlo tebang le baanelwa, jj.) ka teng;
Lemoga a bo a tlhalosa ka moo ditemana di bopiwang ka teng le gore di ama moreetsi jang (jaaka, Ka moo moanelwamogolo a tshwantshiwang ka teng? Se se dira gore o ikutlwe jang? A batho ba ntse jaana mo botshelong jwa nnete?)
Anaanela ka kamego ya modumo le dibogelwa, di tshwana le, moribo, ...poeletso, poeletso ya ditumammogo, maetsi (onomatopia), tshwantshanyo.
GO REETSA
Moithuti o kgona go theeletsa tshedimosetso le go ijesa monate, mme a arabe sentle le ka go sekaseka mo mabakeng/maemong a a farologaneng.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Tlhalosa ka moo segalo le tlhopho ya sebui ya mafoko e fetogang ka teng, fa se bua le bareetsi le fa a batla go gatelela lebaka le le rileng.
Bua ka ditshwantsho tsa medumo le tsa mafoko tse di fitlhelwang mo puong a bo a anaanele ka gore di amang moreetsi jang.
Theeletsa tshedimosetso e e mo mefuteng e e farologaneng ya meraba e tshwana le dipegelo, dikitsiso tsa sekolo, dipotsolotso, jalo jalo, e bile a gakologelwa dikakanyo tsa botlhokwa kgotsa dintlha tse di rileng, mme a arabe ka tshwanelo.
Diragatsa ditaelo e bile a sala dikaelo morago.
Reetsa metlotlo le dipuisano ka matlhagatlhaga a bontsha tlotlo le bosisi tebang le maikutlo a ba bangwe, e bile a itumelela tebelelo ya ba bangwe.
Tlhalosa dielo tsa loago, maitshwaro le setso, mekgwa le dipelaelo mo merabeng ya molomo (jaaka, A malapa otlhe a na le rre, mme le bana? A go na le mefuta e mengwe ya malapa?)
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Tlhalosa ka moo puo e dirisiwang ka teng go bopa maikutlo a maemo a a renang (atmosphere)...
Reetsa mefuta e e farologaneng ya meraba ya tshedimosetso (dikaelo, ditaelo, dipuo, dipuisano tsa radio, ditiragalo tsa botshelo tsa thelebišene), a nongonanongona... dintlha tsa botlhokwa kgotsa dintlha tse di kgethegileng, mme a dirisa tshedimosetso eo ka tshwanelo.
Reetsa ka matlhagatlhaga a etse tlhoko tebelelo kgotsa dikakanyo tsa ba bangwe, mme a arabela dikakanyo le ditlhagiso tsa bona ka masisi.
Tlhalosa dielo tsa loago, maitshwaro le setso, mekgwa le dipelaelo mo merabeng ya molomo, a bo a anaanela ka ga se se tsentsweng le se se sa tsenngwang (jaaka, A molaetsa wa kanedi o boammaaruri mo mabakeng otlhe? Ke mabaka/maemo afe a go sa akanngwang ka ona mo kaneding e?)
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Reetsa mefuta e e farologaneng ya meraba ya tshedimosetso dingangisano, dithanolo, dipegelo, ditiragalo tsa botshelo tsa mo thelebišeneng, khutshwafatsa dikakanyokgolo, e bile a nongonanongona dintlha tse di kgethegileng ka tshwanelo.
Reetsa ka matlhagatlhaga a etse tlhoko tebelelo kgotsa dikakanyo tsa ba bangwe, mme a amogela dikakanyo tse di farologanang le tsa gagwe, a bo a araba ka tshwanelo mo mabakeng otlhe.
Tlhalosa dielo tsa loago, maitshwaro le setso, mekgwa le dipelaelo a bo a anaanela ka moo di tlhalosiwang ka teng mo morabeng (jaaka, A go na le ditemalo... mo morabeng?)
GO BUARe itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go bua le ge buisana ka go itshepa le ka nonofo mo 
 Bolelela bareetsi ba ba farologaneng maitemogelo, mabakeng a a farologaneng. dikakanyo le tshedimosetso kgotsa kitso mo maemong a a farologaneng, le gona a di buela mabaka a a farologaneng, ka go:
Dirisa puo ka bolokologi, a e dirisetsa go buisana le batho mo metlotlong ya letsatsi le letsatsi;
Dirisa puo go tlhalosa dilo tsa maitlhomo, (jaaka, go anela kgang, go boka leboko kgotsa go etsisa tiragalo kgotsa maemo a a rileng);
Abelana dikakanyo le go fa dikgopolo ka ga ditlhogo tsa maitemogelo a gagwe;
Gakologelwa le go tlhalosa ditiragalo di le mmalwa;
Neelana ka dikaelo kgotsa ditaelo;
Botsa a bo a araba dipotso;
Tlhalosa a bo a tshwantshanya/bapisa dikakanyo le dikgolo tsa gagwe le tsa ba bangwe.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Bolelela bareetsi ba ba farologaneng maitemogelo, dikakanyo le tshedimosetso kgotsa kitso mo maemong a a gwetlhang le a a farologaneng, le gona a di buela mabaka a a farologaneng, ka go:
Dirisa puo ka go akanya, a e dirisetsa go buisana le batho mo metlotlong ya letsatsi le letsatsi (jaaka, a akgola ditiro tse dintle tsa mongwe, a sa dumalane le mongwe);
Dirisa puo go tlhalosa dilo tsa maitlhomo, (jaaka, go tlhalosa maikutlo le dikakanyo, go diragatsa kgotsa go etsisa tiragalo);
Abelana dikakanyo le go fa dikgopolo ka ga ditlhogo tse di sa tlwaelegang le ditiragalo, a akanyetsa kgotsa a fopholetsa e bile a bopa karabo e e sa solofelwang;
Tlhalosa ditiragalo, a neela ka dikarabo, e bile a fa dikaelo sentle le ka mokgwa o o tlhaloganyesegang;
Botsa dipotso tse di botlhokwa tse di batlang tshekatsheko, di se na dikarabo tse di bonwang bonolo, mme a kgona go araba ka go akanya pele;
Tlhalosa a bo a emela dikakanyo tsa gagwe ka mabaka.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Bolelela bareetsi ba ba farologaneng maitemogelo, dikakanyo tse di matswakabele le tshedimosetso kgotsa kitso mo maemong a a gwetlhang thata le a a farologaneng, le gona a di buela mabaka a a farologaneng, ka go:
Dirisa puo go buisana le batho, ka go go supa maikutlo le go ipatlisisa jaaka, go bua ka maikutlo le phegelelo aspiration;
Dirisa puo go tlhalosa dilo tsa botlhami le tsa maitlhomo, (jaaka, maboko, tsibogelo ya mmino);
Abelana dikakanyo le go fa dikgopolo ka ga ditlhogo tse di gwetlhang ka mokgwa o o logaganeng, o o tshwaraganeng e bile o rulagane (jaaka, ditlhagiso tsa dipapetlanapepentsho (diphousetara), dipegelo, dingangisano);
Botsa a bo a araba dipotso tse di gwetlhang;
Godisa metlotlo e e nang le dintlha e bile e na le mabaka a go netefatsa dikakanyo.
GO BUARe itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go bua le ge buisana ka go itshepa le ka nonofo mo Dirisa bokgoni le ditogamaano tsa kgolagano tsa go mabakeng a a farologaneng. dira mo ditlhopheng:
Go fana sebaka;
Go dirisa dintlha tse di golaganang le setlhogo;
Go botsa dipotso tse di maleba;
Go tshola metlotlo e tswelela sentle;
Go arabela dikarabo tsa ba bangwe ka kutlwelobotlhoko le ka tlotlo;
Go arabela ka go lekalekana le gona ka mabaka;
Go dirisa segalo le ditshupetso tsa sefatlhego tse di tshwanelang;
Go supetsa ditokololo tse dingwe tsa setlhopha tlotlo.
Dirisa puo e e tshwanelang ya mmele le bokgoni jwa tlhagiso, ka go:
Lebelela motho mo matlhong le go fokotsa go tsetsenega (fidgeting);
Dirisa ditshupetso tsa mmele le tsa sefatlhego, tse di tshwanelang;
Dirisa modumo o o utlwalang sentle wa lentswe, ka dikgaotso tse di tshwanetseng, mme a bua ka lebelo le le lekanetseng.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dirisa ditogamaano tsa kgolagano go bua ka nonofo mo mabakeng a ditlhopha:
Go fana sebaka, a akanya go ya ka setlhogo, a botsa dipotso tse di maleba, a tshola metlotlo e tswelela sentle, e bile a arabela dikakanyo tsa ba bangwe ka kutlwelobotlhoko le ka tlotlo;
Go arabela ka go lekalekana le gona ka mabaka;
Go dirisa segalo le ditshupetso tsa sefatlhego tse di tshwanelang;
Go bontsha masisi tebang le ditshwanelo le maikutlo a ba bangwe fa ba tshwaragane le tiro ya setlhopha.
Dirisa puo e e tshwanelang ya mmele le bokgoni jwa tlhagiso, ka go:
Sutasutisa tebo ya matlho go akaretsa bontsi jo bo kgonagalang jwa bareetsi;
Dirisa ditshupetso tsa mmele le tsa sefatlhego, tse di tshwanelang;
Lekanyetsa lebelo le modumo ka maiteko a go gatelela;
Kgaotsa fa go tshwanetseng a bo a lekanyetsa lebelo go ya ka ditlhokego tsa bareetsi.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dirisa bokgoni jwa kgolagano mo mabakeng a ditlho:
Go latela melawana tebang le kgolagano ya go dira mo ditlhopheng;
Go fana ka dikarabo tse di lekalekanang, di tlhabosa e bile di na le mabaka;
Go bontsha masisi tebang le dipharologano tsa seloago le setso (jaaka, a dumalana e bile a dirisa puo e e farologaneng, maitemogelo, dikao);
Dirisa puo e e botlhale (ya sedipolomatiki) mo maemong a go renang kgotlhang mo go ona.
Dirisa bokgoni jwa tlhagiso le puo ya mmele, ka go:
Se huralele bareetsi;
Farologanya modumo, segalo le lebelo la lentswe go gatelela le go dira gore a utlwagale;
Itlhatlhoba ka tlhagiso le bokgoni jwa gagwe, e bile a leka go tokafatsa makoa a a a lemogileng.
GO BUARe itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go bua le ge buisana ka go itshepa le ka nonofo mo Dirisa mafoko le dipopego tse di tshwanetseng mo mabakeng a a farologaneng. bareetsing le mabakeng a a farologaneng:
Dirisa puo ka tlhwaafalo (mmuo) e e tshwanelang mabaka a a farologaneng (segalo, tlhopho ya mafoko le setaele, puo ya mmele);
Dirisa puo e e tshwanelang fa a tlhalosa boikobo mo loagong/setšhabeng (maitato/maitshwarelo, dikopo, malebo, tshegetso);
Naya e bile a leka go itlhokomolosa tiriso e e sotlang le e tlhaolang ya puo.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dirisa puo e e tshwanetseng mo bareetsing le mo mabakeng a a farologaneng:
Dirisa puo ka mmuo o o tshwanelang mo mabakeng a a sa tlwaelegang thata;
Dirisa dipopego tsa thutapuo le mmuo o o tshwanelang mabaka;
Dirisa puo ka kelotlhoko go tlhalosa maikutlo a a matswakabele mme a tlwaelegile, jaaka, tenego, pelokhutshwane, kutlwelobotlhoko, kgatlhego;
Lemoga a bo a gwetlha tiriso e e sotlang le e e tlhaolang ya puo.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dirisa puo e e tshwanetseng mo bareetsing le mo mabakeng a a farologaneng:
Dirisa puo ka mmuo o o tshwanelang mo mabakeng a a gwetlhang le a a sa tlwaelegang thata, e bile a bontsha gore o lemoga bareetsi ba ba farologaneng;
Dirisa puo mo mabakeng a a farologaneng, jaaka, a go tlhotlheletsa, go ngangisana, go rotloetsa le go ikgolaganya le bangwe;
Tlhagisa tiriso ya marefosi boemong jwa tiriso e e tlhaolang ya puo.
GO BUISA LE GO BOGELARe itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go buisa le go bogela a batla kitso le go ijesa monate, 
 Buisetsa mefuta e e farologaneng ya meraba ya mme a arabe ka go sekaseka dielo boammaaruri le ya maitlhomo ya Aforika Borwa le ya tsa bontle le botaki, setso le maikutlo Bosetšhabatšhaba mabaka a a farologaneng jaaka, tse a di fitlhelang mo merabeng. maboko, dikanedi, dianelalebopo, dibukana, dibukatshedimosetso le dibukathuto, jj:
Buisa e bile a dirisa ditogamaano tse di farologaneng tsa go buisa le tsa tekatlhaloganyo ka bolokologi mo mabakeng a a farologaneng;
Latlhela bofofu (scan) a batla dintlha;
Batlisisa tsebe ya diteng, ditlhogo, tshupane go bona dintlhakakaretso;
Akanyetsa kwa pele, a dirisa ditshwantshetso tsa mo tirisong go tlhomamisa bokao, le go lemoga ditlhaelo;
Buisetsa kwa godimo a utlwala e bile a itlhalosa sentle.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Buisetsa mefuta e e farologaneng ya meraba ya Buisa mefuta e e farologaneng ya meraba ya boammaaruri le ya maitlhomo ya Aforika Borwa boammaaruri le ya maitlhomo ya Aforika Borwa le ya Bosetšhabatšhaba mabaka a a farologaneng le ya Bosetšhabatšhaba (jaaka, dijenale, maboko, (jaaka, maboko, ditshekatsheko tsa dibuka, dipadi, metshameko e mekhutshwane, dikuranta dipatsana, lekwalokgang, dibukatshedimosetso, jj): (makwalodikgang) dibukathuto, jj):
Buisa e bile a dirisa ditogamaano tse di
Buisetsa kwa godimo le ka setu, a lekanyetsa farologaneng tsa go buisa le tsa tekatlhaloganyo ditogamaano tsa go buisa go tsamaelana le ka bolokologi mo mabakeng a a farologaneng; mabaka le bareetsi;
Dirisa ditogamaano tse di tshwanelang tsa go
Latlhela bofofu scan a batla dintlha; buisa le tsa tekatlhaloganyo tsa go, okola le go
Batlisisa tsebe ya diteng, ditlhogo le tshupane; latlhela bofofu, go akanyetsa pele;
Dirisa kitso ya pele kgotsa ditshwantshetso tsa ditshwantshetso tsa mo tirisong (contextual meraba go tlhomamisa bokao, go lemoga clues), temogo ya ditlhaelo, tlhokomela gore o ditlhaelo; a tlhaloganyana, jj.
Akanetsa diteng le bokhutlo kwa pele;
Buisetswa kwa godimo a utlwala e bile alekanyetsa lebelo go ya ka mabaka le bareetsi.
GO BUISA LE GO BOGELA
Moithuti o kgona go buisa le go bogela a batla kitso le go ijesa monate, mme a arabe ka go sekaseka dielo tsa bontle le botaki, setso le maikutlo tse a di fitlhelang mo merabeng.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Bogela a bo a anaanela ka ga meraba e e farologaneng e e bogelwang le ya bobegakgang-bontsi mo mabakeng a a farologaneng (e.g. ditshwantsho, dipapetlanapepentsho, dikhathunu, dikhompiutara le diCD-romo fa di le teng, jj):
Ranola molaetsa;
Lemoga a bo a tlhalosa ditegeniki tsa dikerafo, jaaka, mmala, bobopi/moakanyetso, tlhopho ya dipono, jj. Le ka moo di amang molaetsa o o senogang;
Tlhalosa maikutlo ka ga moraba (wa boammaaruri kgotsa wa dikwalo, o o bogelwang kgotsa wa bobegakgang-bontsi);
Tlhalosa ka moo tlhopho ya puo le diponagalo tsa dikerafo di amang ditshwetso tsa mmuisi ka teng;
Itemogela mabaka a a tlhaelang tebang le ditiragalo mo kaneding;
Tlhaloganya tlotlofoko a bo a tlhalosa tlhopho ya mafoko, botshwantshi le mosola wa modumo mo mabokong, dikaneding le mo merabeng ya bobegakgang-bontsi (jaaka, moribo, morumo, poapoeletso ya ditumammogo, ditshwantsho tsa mafoko, tshegiso);
Lemoga dipopego tse di farologaneng, tiriso ya puo, mabaka le bareetsi/babogedi/babuisi ba meraba:
Lemoga mabaka a a farologaneng a meraba (jaaka, dipuo, dikanedi, maboko, dipapatso);
Lemoga ka moo meraba e rulaganngwang ka teng.
Lemoga ka moo puo le mmuo (maemo a tlhwaafalo) o farologanang go ya ka mabaka le ka bareetsi ka teng;
Kgato ya Magareng
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Bogela a bo a anaanela ka ga meraba e e farologaneng e e bogelwang le ya bobegakgang-bontsi mo mabakeng a a farologaneng (e.g. dipapatso, dividio/difilimi, diterama tsa thelebišene, fa di le teng, dikhompiutara le diCD-romo jj):
Tlhalosa molaetsa o o senolwang;
Lemoga a bo a tlhalosa ditegeniki tsa dikerafo, jaaka, mmala, tlhopho ya dipono, mefuta le bogolo jwa ditlhaka, dikai, boalo-thulaganyo (layout) jj;
Tlhalosa a bo a sekaseka maikutlo a gagwe ka ga moraba;
Tlhalosa ka moo bakwadi le bataki ba dibogelwa ba golaganang le babuisi ba bona ka mekgwa e e farologaneng ka teng, le ka moo ba bopang dikakanyo tse di farologaneng tsa lefatshe ka teng, ba dirisa diponagalo tsa puo le tse di bogelwang;
Bontsha gore o tlhaloganya moraba wamaitlhomo, ka go:
Tlhalosa kakanyokgolo, poloto, maitshetlego, mowa o o renang (atmosphere) le baanelwa,
Lemoga ditlhaelo ka ga poloto le baanelwa,
Tlhalosa merero/dithitokgang le mathata a bo a neelane ka dikakanyo tse di tshegeditsweng ka mabaka.
Tlhaloganya tlotlofoko a bo a tlhalosa ka moo bakwadi ba dirisitseng puo go ama bareetsi/babuisi ka teng Tshwantshanyo, moribo, maetsatumo onomatopia;
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Bogela a bo a anaanela ka ga meraba e e e e bogelwang le ya bobegakgang-bontsi mo mabakeng a a farologaneng (e.g. difoto, dipapatso tsa thelebišene, diterama le mananeo a ditiragalo tsa botshelo, inthanete le diCD-romo, (fa di le teng) jj):
Ranola a bo a tlhalosa molaetsa o o senolwang;
Lemoga a bo a tlhalosa ditegeniki tsa dipone le tsa modumo, tlhopho ya meriti (images), dikhutlo tsa khemera, sebopego le bobopi (moakanyetso), dikerafiki, jj. Le ka moo di amang mmogedi ka teng;
Tlhalosa thanolo le dikarabo tebang le moraba ka kakaretso, mme a naya mabaka a ikaegile ka moraba kgotsa ka maitemogelo a gagwe;
Tlhalosa ka moo ditegeniki tse di dirisitsweng ke bakwadi le babopadikerafiki (graphic designers) le batsayadifoto di bopang dikakanyo kgotsa dikgopolo tsa lefatshe le maemo a mmuisi ka mekgwa e e farologaneng ka teng;
Bontsha gore o tlhaloganya moraba, le gore o golagana jang le botshelo jwa gagwe, gore lebaka la ona le mesola ya ona ke eng ka go:
Tlhalosa merero/dithitokgang, poloto, maitshetlego, le baanelwa (boanedi).
Tlhalosa tebelelo ya mokwadi, ka moo bokao bo tlhamilweng ka teng, le ka maemo a mmuisi a beilweng mo go ona, (jaaka, A mokwadi o anela kgang jaaka mmogedi kgotsa jaaka mo-na-le-seabe? O ikutlwa jang mabapi le moanelwamogolo? A o mo utlwela botlhoko kgotsa o a mo nyatsa? Mokwadi o dira jang gore o ikutlwe jalo?);
Poelothuto ya 3 Tsweletso GO BUISA LE GO BOGELA
Moithuti o kgona go buisa le go bogela a batla kitso le go ijesa monate, mme a arabe ka go sekaseka dielo tsa bontle le botaki, setso le maikutlo tse a di fitlhelang mo merabeng.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Lemoga puo e e dirisiwang mo mefuteng e e farologaneng ya meraba (puo-sebui mo dianelaphologolong, latelanya mafoko mo ditsamaisong, puo ya tirwa mo dipegelong, jj.);
Lemoga le go tlhalosa dielo tsa setso, loago, tikologo le botho mo merabeng (jaaka, molaetsa wa kanedi le bomosola jwa ona mo mabakeng a a farologaneng, merero ya itekanelo le tekatekano mabapi le maemo a a farologaneng le baanelwa, jj.)
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Lemoga dipopego tse di farologaneng, tiriso ya puo, mabaka le bareetsi/babogedi/babuisi ba meraba e e farologaneng:
Lemoga ka moo mefuta e e farologaneng ya meraba e rulagantsweng ka teng (jaaka, dianelaphologolo, makwalo, ditshekatsheko tsa dibuka),
Lemoga gore mefuta e e farologaneng ya dikwalwa (jaaka, dikwalo tsa maitlhomo, dikanedi tsa meka (mystery stories), jj.),
Lemoga mabaka a a farologaneng a meraba a bo a sekaseka ka moo puo le mmuo o farologanang go ya ka mabaka le ka bareetsi ka teng.
Lemoga le go tlhalosa dielo tsa setso, loago le tikologo mo merabeng ka go:
Lemoga a bo a tlhalosa tebelo le mabaka a e a dirisediwang, mmogo le ka moo e amang bareetsi ka teng,
Lemoga a bo a tlhalosa ditemalo tse di farologaneng le ka moo di agiwang ka teng,
Tlhalosa a bo a bapisa ka moo bakwadi ba ba farologaneng ba tlhalosang merero kgotsa mathata a seloago le setso ka teng ka ditlhogo tse di farologaneng.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Lemoga a bo a tlhalosa dipopego tse difarologaneng, tiriso ya puo, mabaka lebareetsi/babogedi/babuisi ba mefuta e efarologaneng ya meraba:
Lemoga a bo a tlhatlhoba mofuta le go nna maleba ga puo le mmuo wa moraba gore a o tshwanelang bareetsi,
Lemoga a bo a sekaseka diponagalo tsa mefutakwalo e e farologaneng kgotsa mefuta ya meraba (jaaka, melawana le thulaganyo e e dirisiwang mo mefuteng e e farologaneng ya maboko, lephelo, diathikele tse di farologaneng tsa dikuranta, jj.).
Lemoga le go sekaseka dielo tsa setso le tsa loago mo merabeng ka go:
Ranola melaetsa ya mokwadi e e fitlhilweng ka bomo le e seng ka bomo,
Lemoga ditebelo tse di farologaneng mo morabeng o o matswakabele a bo a neye ditebelo (perspectives) tsa gagwe a ikaegile ka tshedimosetso e e mo morabeng,
Tlhalosa go farologana ga dielo tsa setso le seloago mo merabeng.
Sekaseka kamego ya lonyatso le ditemalo, a bo a tlhalosa ka moo di ka gwetlhiwang ka teng tsa bo tsa fetolwa, mme a ntshe dikakanyo tsa gagwe ka mabaka.
Dielo tsa Tlhatlhobo Tsweletso GO BUISA LE GO BOGELA Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go buisa le go bogela a batla kitso le go ijesa monate, Tlhaloganya a bo a araba ka tshwanelo tebang le mme a arabe ka go sekaseka dielo meraba ya tshedimosetso:
tsa bontle le botaki, setso le maikutlo
Lemoga dikakanyokgolo le dikakanyo tse di tse a di fitlhelang mo morabeng. tshegetsang;
Latlhela bofofu tebang le dintlha tse di rileng mo merabeng, jaaka, dipegelo tsa bosa, mananeo a dibese, dimmapa, jj.;
Sala dikaelo le ditaelo tse dikhutshwane tse di gatisitsweng morago;
Ranola meraba e e bogelwang e e bonolo mananeo, ditšhate, dipapetlanapepentsho, dikerafo, dimmapa e bile a ka fetola moraba go tswa mo sebopegong se se rileng go ya go se sengwe. jaaka, kerafo go ya go kerafo-tlhalosi explanatory graph;
Tlhopha meraba e e maleba go ipatlela tshedimosetso, jaaka, dithanodi, diensaetlelopedia le dibukatshedimosetso.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Tlhaloganya a bo a araba ka tshwanelo tebang le meraba ya tshedimosetso:
Lemoga dikakanyokgolo le dikakanyo tse di tshegetsang, a nongonanongone dintlha tse di rileng a bo a sosobanya kitso kgotsa tshedimosetso e a e boneng;
Buisa a bo a diragatsa ditaelo tse dimatswakabelenyana, e bile a sala dikaelomorago ka thuso e nnyennyane;
Ranola a bo tlhalosa meraba e e bogelwang e e matswakabele jaaka, mananeo, ditšhate, dipapetlanapepentsho, dikerafo, dimmapa e bile a ka fetola moraba go tswa mo sebopegong se se rileng go ya go se sengwe. jaaka, thulaganyo ya tshedimosetso a;
Tlhopha meraba e e maleba a bo a dirisa bokgoni jwa go tlhotlhomisa, go bona tshedimosetso mo dithanoding, dibukatshedimosetsong le dibukathutong go tswa mo metsweding ya setšhaba kgotsa mo bobegakgannye jwa seileketeroniki (fa bo le teng).
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Tlhaloganya a bo a dirisa meraba ya tshedimosetso ka tshwanelo:
Sosobanya dikakanyokgolo le dikakanyo tse di tshegetsang;
Tlhopha a bo a rekota tshedimosetso e e maleba ka tshwanelo;
Sala ditaelo le dikaelo tse di matswakabelenyana morago ka bolokologi;
Ranola a bo sekaseka dintlha tsa meraba ya kerafo a le esi (dimmapa, le dikerafo tsa mola, dikerafo tsa ditlhomeso le diphaetšhate) a bo a fetise tshedimosetso go tswa mo mmopong (sebopegong) o o rileng go ya go o mongwe;
Tlhopha meraba e e maleba go tswa mo metsweding e e farologaneng a e dirisetsa ditlhokego tsa gagwe le tsa tshedimosetso, jaaka mo baaging ba a phela le bona le ka bobegakga jwa seileketoroniki (fa bo le teng).
GO KWALARe itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go kwala mefuta e e farologaneng ya meraba ya Kwala mefuta e e farologaneng ya meraba, a e kwalela boammaaruri le ya maitlhomo a babuisi le mabaka a a farologaneng:
kwalela mabaka a a farologaneng.
Kwalela mabaka a sebele sa gagwe, a go utulola, a go tshameka, a go tlhagisa maitlhomo le botlhami (sekao: makwalo, ditemana tse di tlhalosang, dilimeriki, jj.);
Kwalela babuisi/babogedi ba ba farologaneng, meraba ya tshedimosetso e e tlhagisang dikakanyo tse di sedifetseng (sekao: dipegelo tse dikhutshwane, ditaelo, jj.);
Kwalela a bo akanyetsa babuisi/babogedi ba ba farologaneng meraba e e farologaneng ya bobegakgang (jaaka, karatapepentsho, Dikhathunu, dibukana tse di bonolo);
Fetola tshedimosetso go tswa mo mmopong (sebopegong) o o rileng go ya go o mongwe (jaaka, meraba e e kwadilweng e fetolelwa mo ditheiboleng, jj.).
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Kwala mefuta e e farologaneng ya meraba a e kwalela babuisi le mabaka a a farologaneng:
Kwalela mabaka a sebele sa gagwe, a go utulola, a go tshameka, a go tlhagisa maitlhomo le botlhami (sekao: bukatsatsi, dikanedinyana tsa metlae, dikanedi, maboko, jj.);
Kwalela babuisi/babogedi ba ba farologaneng, meraba ya tshedimosetso e e tlhagisang dikakanyo tse di sedifetseng ka thulagano e ntle (sekao: dikitsiso, dipegelo);
Kwalela a bo akanyetsa babuisi/babogedi meraba e e bogelwang a tlhalosa tshedimosetso ka mo kgwa o o sedifetseng le ka bokgabale (jaaka, dipapatso, makwalokgang, mmapa o o nang le ditshwantsho le dileibole, jj.);
Fetola tshedimosetso go tswa mo mmopong (sebopegong) o o rileng go ya go o mongwe (jaaka, tshedimosetso e fetolwa go tswa mo theiboleng go ya mo temaneng kgotsa mo kerafong, jj.).
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Kwala mefuta e e farologaneng ya meraba a e kwalela babuisi le mabaka a a farologaneng:
Kwalela mabaka a sebele sa gagwe, a go utulola, a go tshameka, a go tlhagisa maitlhomo le botlhami (sekao: dijenale, maboko, dianelalebopo, mmuisano, ditlhamo tsa ngangisano, jj.);
Kwalela babuisi/babogedi ba ba farologaneng, meraba ya tshedimosetso e e tlha- gisang dikakanyo tse di sedifetseng ka thulagano e ntle (sekao: pegelo ya tlhotlhomisi, lekwalo le le yang kwa kuranteng, ditaelo tsa setegeniki);
Kwalela a bo akanyetsa babuisi/babogedi meraba e e bogelwang ka mokgwa o o sedifetseng le ka bokgabale, a dirisa puo, modumo, dikerafiki le moakanyetso (jaaka, CD le diphuthelo tsa dibuka, dipapatso tsa thelebišene kgotsa tsa radio, makwalokgang a a nang le dinepe.);
Bontsha gore o tlhaloganya setaele le mmuo ntsha tshedimosetso mo kaneding go ya go athikele ya kuranta lokwalodikgang;
Ipatlisisa ka e bile a tlhatlhoba sekwalwa le setlhangwa.
GO KWALARe itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go kwala mefuta e e farologaneng ya meraba ya Godisa le go rulaganya dikakanyo tsa gagwe mokwalo boammaaruri le ya maitlhomo a kgotsa tiro ya go kwala:
kwalela mabaka a a farologaneng.
Tlhopha bo a tlhotlhomisa setlhogo, mme a se akanyetse ka go dirisa dikarata-kakanyo (mind maps), ditšhate tsa fa fatshe le mananeo;
Rulaganaya dikakanyo ka ditemana a dirisa dipolelonolo le dipolelopate;
Tlhagisa sekgemetšhana sa ntlha (first draft) a etse tlhoko puo e e maleba le melawana ya go kwala, a di dirisetsa mabaka le bareetsi/babogedi ba ba rileng;
Boeletsa tiro a dirisa maitemogelo a gagwe a puo e e maleba, thulaganyo le setaele, le ditshwaelo tse di tswang mo baithuting-ka-ena kgotsa mo morutabaneng;
Phosolola sekgemetšhane sa bofelo a lebeletse thutapuo, matshwaopuiso le mopeleto, a tsenyeletsa ditshwaelo tsa baithuti-ka-ena le tsa morutabana;
Phasalatsa sekgemetšhana sa bofelo ka go abelana le babogedi/bareetsi kgotsa morutabana yo o maleba.
Tlhagisa tiro a dirisa mokwalo o o phepa o o bonalang ka sebopego sa nnete, (jaaka, ditlhogo, kgaoganyo e e siameng ya ditemana).
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Godisa le go rulaganya dikakanyo tsa gagwe mokwalo kgotsa tiro ya go kwala:
Tlhotlhomisa a bo a sekaseka setlhogo, mme a se akanyetse ka go dirisa dikarata-kakanyo (mind maps), ditšhate tsa fa fatshe le mananeo;
Godisa setlhogo ka go batla tshedimosetso mo metsweding e e maleba, a tlhopha tshedimosetso e a e batlang, mme a rulaganya dikakanyo;
Tlhagisa sekgemetšhana sa ntlha (first draft) se na le kakanyokgolo, le ditemana tse di tshegetsang di tlhabolotswe sentle;
Boeletsa tiro a nanganetse mo ditennye, puo e e maleba, thulaganyo le setaele, mme a dirisa ditshwaelo tse di tswang mo baithuting-ka-ena kgotsa mo morutabaneng;
Tlhagisa tiro e e phepa ka mokwalo o o bonalang go etswe tlhoko tlhagiso (jaaka, sephuthelo, setlhogo, ditlhogo, jj le dikerafiki tse di maleba).
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Godisa le go rulaganya dikakanyo tsa gagwe mokwalo kgotsa tiro ya go kwala:
Akanyetsa dikakanyo tsa setlhogo a bo a di tlhabolola ka go leba metswedi e e farologaneng, a tlhopha tshedimosetso e e maleba, mme a rulaganya dikakanyo ka go dirisa ditogamaano di tshwana le, dikarata tsa dikakanyo, ditšhate tsa fa fatshe le mananeo a go lekanyetsa (grids);
Tlhagisa sekgemetšhana sa ntlha (first draft) a etse tlhoko kakanyokgolo, le puo le melawana e e siameng a lebeletse mabaka le bareetsi;
Boeletsa tiro a nanganetse mo go tokafatseng puo, thulaganyo le setaele, mme a dirisa ditshwaelo tse di tswang mo baithuting-ka-ena;
Tlhagisa dikgemetšhana tse dintsinyana fa go kgonega;
Neela balekane ba gagwe ka mo phaposiborutelong/baithutikaena ditshwaelo ka go bontsha tshisimogo go rotloetsa maiteko a bona;
Tlhagisa sekgemetšhane sa bofelo, mme a akaretsa ditshwaelo tse di tswang mo baithuting-ka-ena le mo morutabaneng;
Ipatlisisa a bo a sekaseka diphoso tsa leungo/sekgemetšhana sa bofelo ka boena, le ka thuso ya baithuti-ka-ena le ya morutabana.
Tlhagisa tiro e e phepa ka mokgwa o o kgatlhang, (jaaka, sephuthelo, tsebe ya diteng, thulaganyo (layout) le ditshwantsho tse di maleba kgotsa dikerafiki, jj.)
GO KWALARe itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go kwala mefuta e e farologaneng ya meraba ya Dirisa kitso ya gagwe ya puo mo maemong a a boammaaruri le ya maitlhomo a farologaneng: kwalela mabaka a a farologaneng.
Maemo a lefoko
Tlhopha le go dirisa mefuta e e farologaneng ya mafoko go tswa mo maitemogelong a puo, ditiro, dikwalo, puo ya molomo ya baithuti-ka-ena le ba bangwe.
Maemo a polelo
Atolosa dipolelo ka go oketsa ka matlhaodi le matlhalosi; le ka dipolelwanatlhaodi, dipolelwanatlhalosi le dipolelwanaina,
Suta go tswa mo pakeng e nngwe go ya go e nngwe ka tlhomamo le ka tshwanelo.
Maemo a temana
Dirisa setlhogo le dipolelo tse di tshegetsang le go godisa temana e e tlhaloganyesegang,
Dirisa thutapuo, mopeleto le matshwaopuiso ka tshwanelo.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dirisa kitso ya gagwe ya puo mo maemong a a farologaneng:
Maemo a lefoko
Tlhopha le go lekelela ka mefuta e e farologaneng ya mafoko go tswa mo metsweding e e farologaneng,
Dirisa thanodi kgotsa thanodi ya makaelagongwe le malatodi go netefatsa mafoko.
Maemo a polelo
Atolosa dipolelo ka go oketsa ka ditlhaodi, dipolelwanatlhaodi, dipolelwanatlhalosi le dipolelwanaina,
Suta go tswa mo pakeng e nngwe go ya go e nngwe ka tlhomamo le ka tshwanelo,
Dirisa puo-sebui le puo-pegelwa ka nonofo le ka tshwanelo.
Maemo a temana
Kwala polelotlhogo (topic sentence), mme a tsenya tshedimosetso e e maleba go tlhabolola le go godisa temana e e logaganeng,
Bontsha mekgwa e e farologaneng ya go golaganya ditemana,
Dirisa thutapuo, mopeleto le matshwaopuiso ka tshwanelo.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dirisa kitso ya gagwe ya puo mo maemong a a farologaneng:
Maemo a lefoko
Tlhopha, dirisa le go lekelela ka mefuta e e farologaneng ya mafoko go tswa mo dikarolothutong tse dingwe, le mo dilong le maitemogelong a a senolang bokao ka tshwanelo,
Peleta mafoko a a dirisiwang kgabetsakgabbetsa ka nepagalo a bo a netefatse mopeleto wa mafoko a mašwa.
Maemo a polelo
Dirisa mefuta e e farologaneng yadipolelopate le dipolelotswako,
Atolosa polelo ka matlhaodi le matlhalosi; le dipolelwanatlhaodi, dipolelwanatlhalosi le dipolelwanaina,
Suta go tswa mo pakeng e nngwe go ya go e nngwe ka tlhomamo le ka tshwanelo,
Dirisa mokgwa wa tira le wa tirwa sentle,
Farologanya tatelano ya mafoko go gatelela le go tsepamisa matlho mo ntlheng e e riling.
Maemo a temana
Kwala polelotlhogo (topic sentence), mme a tsenya tshedimosetso e e maleba go tlhabolola le go godisa temana e e logaganeng,
Bontsha mekgwa e e farologaneng ya go golaganya ditemana, a bo a tsenya dikeafiki ka tshwanelo go bopa moraba otlhe.
GO AKANYA LE GO BATLA MABAKA Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go dirisa puo go akanya le go batla mabaka, go Dirisa puo go akanya le go batla mabaka:
fitlhelela tshedimosetso, a e
Tlhalosa go tlholana mo merabeng e e kwadilweng, tlhotlhe, morago a e dirisetse go ithuta. le puo e e dirisiwang go go tlhalosa jaaka, Leng .. .. , morago.. .. . , fa.. .. , morago;
Lemoga dithefosano (alternative options) a bo a tlhalose ka moo di farologanang ka teng;
Lemoga bokao jo bo tlhaelang, jo bo sa tlhalosiweng ka tlhamalalo, e bile a ka tlhalosa ka moo bokao bo senotsweng ka teng.
Drisa puo go batlisisa le go utolola:
Botsa dipotso go thusa go bona tshedimosetso e a e batlang;
Lemoga metswedi ya tshedimosetso e e maleba;
Ntsha tshedimosetso a dirisa mafokotaetsi kgotsa megopolo e e fang tshedimosetso;
Tlhopha a bo a batlisisa metswedi e e farologaneng tebang le ditebelelo tse di farologaneng tsa setlhogo.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dirisa puo go akanya le go batla mabaka:
Lemoga go tlholana mo merabeng e e kwadilweng le ya molomo, a bo a tlhalosa gore di golagana jang;
Dira diphopholetso go ya ka tshedimosetso e e itsegeng;
Farologanya magareng ga bomosola le boseng-mosola disadvantages ba selo a bo a tlhalosa ka mabaka;
Botsolotsa a bo a tla ka ditebelelo ka gaditlhogo tse di tlwaelegileng;
Tlhalosa diphokelelo tsa tiriso (context) mo tshedimosetsong.
Dirisa puo go batlisisa le go utolola:
Botsa dipotso tse di maleba go mo thusa go batla tshedimosetso;
Dirisa dipotsolotso go kgobokanya tshedimosetso;
Tlhama dipotso sešwa go bona tshedimosetso e e maleba thata;
Tlhalosa ka moo dipotsolotso di dirang jaaka mokgwa wa go bona tshedimosetso;
Batla tshedimosetso go tswa mo metsweding e mengwe e e maleba;
Fetola tshedimosetso go tswa mo puong nngwe go ya go e nngwe.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dirisa puo go akanya le go batla mabaka:
Lemoga go tlholana mo merabeng gokgabaganya kharikhulamo;
Tlhalosa dikgopolo a bo a di setlega katshedimosetso e e popota;
Godisa ngangisano e e lekalekanang ka ga merero e e maleba le e gwetlhang;
Fapologantsha ditebelo tse di ganetsanang a bo a naya mabaka;
Sekaseka bonnete le kamego ya tiriso le maemo a bakwadi.
Dirisa puo go batlisisa le go utolola:
Botsa dipotso tsa botlhokwa tse di gwetlhang e bile di batla dithanolo tse dingwe kgotsa dithefosano tsa tsona;
Botsa dipotso tse di latedisang go bonadikarabo tse di boteng;
Tlhalosa bonnete jwa tshedimosetso ka go e bapisa/tshwantshanya le ya metswedi e mengwe;
Bapisa ka moo dipuo tse di farologaneng di tlhalosang megopolo ya Dikarolothuto tse di farologaneng ka teng;
Tshwaraganya dikakanyo go tswa mo metsweding e e farologang go bopa bogotlhe jo bo logaganeng;
Tsaya ditswetso a bo a dira dikatlanegiso;
Fetola popego ya tshedimosetso (jaaka, sebopego sa ditheibole se ya kwa go sa mokwalo, kgotsa se fetogela kwa dikerafong, jj.)
Dielo tsa Tlhatlhobo Tsweletso GO AKANYA LE GO BATLA MABAKA Re itse seno fa moithuti a kgona go: Moithuti o kgona go dirisa puo go akanya le go batla mabaka, go Dirisa puo go akanya ka boitlhamedi: fitlhelela tshedimosetso, a e
Tlhalosa a bo a bapisa tshedimosetso e e bonweng tlhotlhe, morago a e dirise go ithuta. mo metsweding e e farologaneng;
Tlhopha dikakanyo tse di maleba;
Ntsha dikao go tswa mo dithanolong;
Baya tshedimosetso ka tatelano e e siameng;
Sosobanya tshedimosetso ka mekgwa e e farologaneng (jaaka, dithaladi/diralwa, ditemana, dikarata-kakanyo, ditheibole);
Atlhola go ya ka tshedimosetso a bo a dira ditshwetso.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dirisa puo go akanya ka boitlhamedi: Dirisa puo go akanya ka boitlhamedi:
Kgobokanya a bo a aroganye dikakanyo tse di
Tlhalosa se a se bopang mo tlhaloganyong maleba, mme a tlhalose mabaka a a mo morago ga go buisa kgotsa go reetsa moraba; thusitseng mo karoganyong;
Tlhama a bo a tlhalosa ditlamorago kgotsa
Farologanya tshedimosetso ya kakaretso mo go bokhutlo jo a bo eletsang;e e totobetseng;
Nagana ka tharabololo a bo a neelane ka
Rulaganyetsa tshedimosetso ka fa tlase ga dikgonagalo tse dingwe mo maitekong a gagwe ditlhogo tse di farologaneng; a go rarabolola bothata;
Baya motseletsele wa dikgato kgotsa ditiragalo
Lekelela ka puo mo mabakeng a a ka tatelano e e tlhabosang a bo a tlhalosa farologaneng, jaaka, go tlhamela megopolo botlhale jo jwa tatelano; mengwe mafoko a mašwa ka dipuo tse di
Rulaganya tshedimosetso ka ditemana, farologaneng.ditheibole, ditšhate kgotsa ka boemedi bongwejo bo tshwanelang kgotsa jwa kerafo;
Tlhatlhoba a bo a swetsa, mme a bo a ka kgonago tlhalosa mabaka a gagwe.
POPEGOPUO LE TIRISORe itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go dirisa medumo, mafoko le thutapuo ya puo go Dira ka mafoko:
tlhama le go ranola meraba.
Dirisa ditlhogo, dikutu le megatlana go bopa mafoko;
Utolola tshimologo ya mafoko (jaaka, mafoko a a adimilweng go tswa mo Seaforikanseng le Seesimaneng mo Setswaneng);
Tsenya/Rekota mafoko mo thanoding e e leng ya gagwe;
Dirisa medumopuo le melawana ya mopeleto go peleta mafoko ka nepagalo;
Netefatsa mopeleto mo thanoding.
Dira ka dipolelo:
Lemoga sediri le letiro la polelo;
Dirisa makopanyi go bopa dipolelopate (jaaka, O berekile thata e bile o falotse ka dinaledi);
Dirisa thuanyisediri le thuanyisedirwa;
Dirisa mefuta e e farologaneng ya dipolelo ka nepo le ka tshwanelo (ditlhagiso, dipotso, ditaolo, ditsibogo);
Lemoga a bo a dirisa maina, maemedi, madiri, matlhalosi le matlhaodi;
Dirisa dipaka tse di matswakabele ka nepo (jaaka, Pakaphethi-tsweledi - O ne a lebeletse thelebišene fa .. .. .. . );
Dirisa puo-sebui le puo-pegelwa;
Dirisa matshwaopuiso sentle (ditsejwana tebang le puo-sebui, lenalana).
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dira ka mafoko:
Dirisa ditlhogo, dikutu le megatlana go bopa mafoko;
Utolola tshimologo ya mafoko (jaaka, mafoko a a adimilweng go tswa mo Seaforikanseng le Seforentšheng go ya kwa Setswaneng);
Tsenya/Rekota mafoko mo thanoding e e leng ya gagwe;
Dirisa medumopuo le melawana ya mopeleto go peleta mafoko ka nepagalo.
Dira ka dipolelo:
Lemoga sediri le letiro la polelo;
Dirisa dithuanyisediri le dithuanyisedirwa mo dipolelong tse di se nang didiri le didirwa (mme di tlhaloganyesega mo tirisong);
Lemoga a bo a dirisa maina, maemedi,makopanyi le mabadi;
Dirisa dipaka tse di matswakabele ka nepo (jaaka, Pakaphethi-tsweledi - O ne a lebeletse thelebišene fa ...);
Dirisa puo-sebui le puo-pegelwa;
Dirisa matshwaopuiso sentle (tiisa tiriso ya matshwaopuiso a a ithutileng go fitlha fa).
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dira ka mafoko:
Dirisa ditlhogo, dikutu le megatlana go bopa mafoko;
Utolola tshimologo ya mafoko (jaaka, mafoko a a adimilweng go tswa mo Seaforikanseng le Segerikeng go ya kwa Seesimaneng);
Tsenya/Rekota mafoko mo thanoding e e leng ya gagwe;
Dirisa medumopuo le melawana ya mopeleto go peleta mafoko ka nepagalo.
Dira ka dipolelo:
Lemoga thuanyisediri le thuanyisedirwa mo polelong e go se nang sediri le sedirwa (mme e tlhaloganyesega go ya ka tiriso);
Lemoga a bo a dirisa maina, maemedi,makopanyi, mathusdamadiri le mabadi;
Dirisa dipaka tse di matswakabele ka nepo -dipolelo tse di nang le polelwana e e ikemetseng ka boyona (Polelwanakutu) le pole- lwana e e golaganngwang ka lekopanyi (jaaka, Le fa tshipi e ne e lela, Rapula ga a ka a tshikinyega.);
Dirisa matshwaopuiso sentle - phegelwana go kgaoganya dipolelwanakala le dipolwanakutu;
Dirisa mokgwa wa tirwa go tsepamisa matlho mo sedirweng sa polelo, jaaka, Gouta e epiwa mono Aforika Borwa.
POPEGOPUO LE TIRISORe itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go dirisa medumo, mafoko le thutapuo ya puo go Dira ka meraba:
tlhama le go ranola meraba.
setlhogo le dipolelo tse di se tshegetsang go tlhama temana e e logaganeng;
Golaganya dipolelo mo temaneng e e logaganeng a dirisa (sekao: makopanyi a tshwana le, 'le', 'kwa bokhutlong' le 'maemedi').
Godisa temogo le tiriso ya setaele, ka go:
Dirisa diane le maele ka nonofo;
Dirisa maemo a a tshwanelang a tlhwaafalo/le a e seng a tlhwaafalo (mmuo);
Tlhaloganya a bo a dirisa puo ya botshwantshi, jaaka tshwantshanyo le tshwantshiso (Mmaphefo o bogale jaaka tau. Kefilwe ke Saatane.)
Godisa temogo ya puo ya bosekaseki, jaaka, go utolola mekgwa e e farologaneng ya go kopa mongwe go dira sengwe (ka go dirisa, tshwanetse/kgona/ka, jj), le ka moo e tsamaelanang le kgolagano fa gare ga sebui le moreetsi ka teng, le ka moo e amang batho ka teng, le gore a e gwetlhiwe:
Dirisa 'puo-ka-puo' (jaaka, 'puo-sebui' le 'puo-pegelwa', 'maele', 'diane', 'puo ya tlhwaafalo', 'puo e e seng ya tlhwaafalo', 'tshwantshanyo', 'ditsejwana/matshwaonopolo').
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dira ka meraba:
Dirisa setlhogo le dipolelo tse di se tshegetsang go tlhama ditemana tse di logaganeng;
Golaganya dipolelo mo temaneng e elogaganeng a dirisa (sekao: makopanyi atshwana le, 'ka jalo', le 'maemedi');
Sutasuta go tswa mo pakeng nngwe go ya go e nngwe ka tshwanelo.
Godisa temogo le tiriso ya setaele, ka go:
Dirisa diane le maele ka nonofo;
Dirisa puo e e tshwanelang bareetsi, mabaka le tiriso (sekao: mmuo o o tlhwaafetseng le o o sa tlhwaafalang);
Tlhaloganya a bo a dirisa puo ya botshwantshi, jaaka, mothofatso, (Loso, o setlhogo jang! O tsaya mogolo le losea.)
Godisa temogo ya puo ya bosekaseki, aaka, go utolola puo le botshwantshi jo bo dirisiwang go aga ditemalo tsa lotso, bong, tsa mefuta e mengwe.
Dirisa 'puo-ka-puo' (jaaka, 'mabadi' le 'makopanyi', 'polelotlhogo', 'bareetsi', 'paka', 'mothofatso').
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dira ka meraba:
Dirisa setlhogo le dipolelo tse di se tshegetsang go tlhama ditemana tse di logaganeng;
Golaganya dipolelo go bopa ditemana tse di logaganeng a dirisa (sekao: makopanyi a tshwana le, 'le gale', makaelagongwe le malatodi);
Sutasuta go tswa mo pakeng nngwe go ya go e nngwe ka tshwanelo.
Godisa temogo le tiriso ya setaele, ka go:
Dirisa diane le maele ka nonofo;
Tlhalosa ka moo puo e farologanang go ya ka bareetsi, mabaka le tiriso (mmuo);
Tlhaloganya a bo a dirisa puo ya botshwantshi, jaaka, tshwantshiso, (Mpho ke tau. Rapula ke moengele).
Godisa temogo ya puo ya bosekaseki, jaaka, go utolola puo ka moo puo e dirisiwang ka teng mo dipapatsong go re rotloetsa go reka dilo tse re sa di batleng, mme go silafatswe tikologo.
Dirisa 'puo-ka-puo' (jaaka, 'polelwanakutu' le 'polelwanakala', 'lekopanyi', 'mokgwa wa tira le tirwa', 'tshwantshiso').
KGAOLO 4KGATO E KGOLO(KEREITI YA 7 - 9)
MATSENO
Mo kgatong e, baithuti ba kopanya le go tiisa se ba se ithutileng mo kereiting tse di kwa tlase, mme ba ipaakanyetsa thuto e e tsweledisiwang pele le lefatshe la tiro. Ba ipaakanyetsa go nna batsaya-seabe mo setšhabeng sa temokerasi, le go inaakanya le merero ya loago le tikologo, jaaka HIV/AIDS, le go dira ka tsela e e siameng. Ba tlhoka go dirisa puo mo mabakeng a bone, a botlhe, a semmuso le a thuto.
Ka tiriso ya puo, baithuti ba tshwanetse go itsisiwa ka:
Boiphediso le ditšhono tsa go ithutela kwa pele.
Ditshiamelo le maikarabelo a bona jaaka baagi mo setšhabeng sa temokerasi le sa ditsodintsi.
Tsepamiso
Tsepamiso ya kgato e, e mo go kopanyeng le go tiiseng katoloso ya puo, le go buisa le go kwala. Kwa bokhutlong jwa Kereiti wa 9, baithuti ba tshwanetse go kgona go:
Buisa le go kwalela mabaka a a farologaneng - ditlhokego tsa semmuso le tse e seng tsa semmuso, tsa setšhaba le tsa bobona/sebele.
Nna babuisi ba ba tlhagafetseng ba ba kgonang go tlwaela diphetogo tse di farologaneng ba ba kgonang go itshekatshekela tshedimosetso ka bobona.
Nna bareetsi ba ba matlhagatlhaga, ba ba tsebentlha, ba ba buang puo ka go itshepa, e bile ba supa maikutlo mo bareetsing ba bona.
Sekaseka puo, ba tlhaloganye gore e dira jang, mme ba e dirisetse mabaka a bona.
DIPOELOTHUTO
Poelothuto ya 1: Go reetsa
Moithuti o kgona go theeletsa tshedimosetso le go itumela, mme a tsibogele ka tshwanelo le ka bosekaseki mo mabakeng a a farologaneng.
Baithuti ba tla reetsa ka matlhagatlhaga mefuta e e farologaneng e bile e aname ya ditlhangwa tsa molomo, ba di sobokanye, ba di kwale/rekote ba bo ba di tsibogele ba le tsebentlha.
Poelothuto ya 2: Go bua
Moithuti o kgona go buisana ka go itshepa le ka nonofo mo mabakeng a a farologaneng.
Baithuti ba tla bua ka go itshepa mo phatlalatseng, mme ba tlhaeletsane sentle ka nonofo le ba bangwe. Seno se botlhokwa mo tirong le go ithutela kwa pele.
Poelothuto ya 3: Go buisa le go bogela
Moithuti o kgona go buisetsa le go bogelela kitso le go itumela, mme a tsibogele ka bosekaseki mosola wa bokgabale,setso le maikutlo tse di fitlhelwang mo merabeng.
Puiso ke motheo wa go kwala le sekgontshi sa go ithutela botshelo jotlhe. Baithuti ba tshwanetse go buisa ditl-hangwa tsa mo Aforika Borwa le tsa Boditšhatšhaba, tsa maitlhomo le tse e seng tsa maitlhomo go godisa puo, kitso ka kakaretso, go itumedisa le kgolo ya baithuti ya sebele.
Poelothuto ya 4: Go kwala
Moithuti o kgona go kwala mefuta e e farologaneng ya meraba ya boammaaruri le e e seng ya boammaaruri mo mabakeng a a farologaneng.
Go kwala ke sekgontshi sa go ikakanya le go ithuta, gape ke mokgwa wa go tlhaeletsana. Go le gantsi ke mokgwa/tsela ya go tlhatlhoba baithuti, ka jalo go kwala go botlhokwa mo go ithuteleng pele le go thapiwa.
Poelothuto ya 5: Go akanya le go batla mabaka
Moithuti o kgona go dirisa puo go akanya le go batla mabaka,mme a fitlhelele, a tlhotlhe,le go dirisa kitso go ithuta.
Bokgoni jwa go akanya le tshedimosetso ya kgono ya go buisa le go kwala ke tsela e e botlhokwa ya go ithutela botshelo jotlhe le go fitlhelela Dipoelothuto tse di Botlhokwa le tsa Kgolo.
Poelothuto ya 6: Popegopuo le tiriso
Moithuti o kgona go dirisa medumo, mafoko le thutapuo ya puo go tlhama le go ranola meraba.
Baithuti ba tla batlisisa gore puo e dira jang, mme ba godisa puo e ba e abelanang ya go bua ka ga puo (puo-ka-ga-puo/'metalanguage'), gore ba tle ba kgone go sekaseka meraba ya bona le e mengwe tebang le bokao, nonofo le nepagalo. Gape, ba tla kgona go dirisa kitso e go lekeletsa go bopa bokao (go tswa mo mafokong le mo dipolelong go fitlha ka meraba yotlhe) ka puo, le gore ba bone ka moo moraba le tiriso di tsamaelanang ka teng. Ba tla lemoga ka moo puo e fetogang le dinako le fa e kopana le ditso tse dingwe ka teng, le ka moo e fetogang ka teng mo mabakeng a a farologaneng.
DIELO TSA TLHATLHOBO LE MERABA YA DIKEREITI TSA 7-9
Baithuti mo Kereiting ya 7, 8 le 9 ba tshwanetse go buisa le go bogela meraba e e farologaneng ya Aforika Borwa le ya boditšhabatšhaba, go akaretsa dibuka tse ba di baletsweng.
Kereiti ya 7
Meraba e e tshikhinngwang
Meraba
Dikhutshwe
Ditlhangwa tsa baikwadi le dibayokerafi (autobiography)
Dipatsana
Poko
Metshameko kgaolo-nosi le kgaolo-pedi
Thutaditso
Dianelalebopo le dikahisetori
Tlhopho ya meraba e mekhutshwane jaaka dimakasine, dikuranta, diphasalatso, phousetara
Dipuisano tsa radio
Kereiti ya 8
Meraba e e tshikhinngwang
Meraba
Dikhutshwe
Dipadi
Poko
Metshameko/diterama
Thutaditso
Thuto ya filimi
Tlhopho ya meraba e mekhutshwane jaaka dimakasine, dikuranta, diphasalatso, phousetara, dipuo, dipuisano tsa seyalemowa, manaane a thelebišene, dibidio tsa mmino.
Kereiti ya 9
Meraba e e tshikhinngwang
Meraba
Dikhutshwe
Padi e e feletseng
Poko
Metshameko ya dikgaolo di le tharo-tlhano.
Thutaditso
Thuto ya filimi
Tlhopho ya meraba e mekhutshwane jaaka dimakasine, dikuranta, diphasalatso, dipuo, tlhatlhelelo (lectures), terama ya seyalemowa, terama ya thelebišene le mananeo a a faphegileng (documentaries), dividio tsa mmino.
DITENG TSA MERABA
Go tswa mo merabeng ya mefutafuta, moithuti o tshwanetse go tlhagisetswa/go rutiwa:
Maitshetlego a a humileng a le maleba a loago le hisetori, a a tsweletsang go tlhaloganya boswa jwa puo.
Dipoloto le dipolotwana tse di matswakabele.
Dithitokgang tse di gwetlhang le tse di rotloetsang, mme di tsweletsa go tlhaloganya dielo.
Baanelwa ba madi le nama mo dikgolaganong tse di tswelelang.
Ditaele tse di farologaneng, ka dipolelo tsa dipopego tse di farologaneng.
Tlotlofoko e e gwetlhang le tiriso e e tlhomameng ya tiriso ya mmuo wa puo.
Mefuta ya puo botshwantshi le dikapuo.
Mefuta ya diponagalo/dipharologantsho tsa poko tse di fitlhelwang ka mo mabokong a a tlhophilweng
Meraba e e bogelwang (go akarediwa difilimi) tse di bontshang tiriso ya mmala o montsho le o mosweu, botlhokwa jwa tlhamego ya tsona, lesedi, tebego ya tsona le go tshwantsha o godisa le go tshwantsha o ngotla.
Meraba e e dirisang botshwantshi le go kwala (le mekgwa e mengwe ya kgolagano) mo popegong ya yona.
Meraba e e letlang baithuti go sekaseka sejwalejwale le bobegakgang.
Mefuta ya tiriso ya puo le merero:
Mokgwa o puo e bopang bokao ka teng-mokwadi o tsaya tebelo efe, mme a tlhotlheletsa bareetsi go bopa bokao ka ditsela tse rileng;
Mokgwa o babadi ba bopang bokao go tswa mo morabeng, le ka moo ba tlisang maitemogelo le dielo mo morabeng ka teng;
Mekgwa ya go tsibogela meraba e e dirisang bosekaseki mo go tlhaloganyeng popego le thanolo ya meraba (go ganana le melaetsa ya bobapatsi, bong le ya bomorafe);
Mefutapuo: mefuta e e golaganeng le kgaolo (ditengwana) mophato (mmuo); le phokelelano ya dipuo.
GO REETSA
Moithuti o kgona go theeletsa tshedimosetso le go e itumelela, mme a tsibogele ka tshwanelo le ka bosekaseki mo mabakeng a a farologaneng.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re lemoga seno fa moithuti a kgona go:
Reetsa le go itumelela puo ya thadiso kgotsa e e tlhagisang maikutlo, ya go ikakanyetsa ya meraba/ ditlhangwa tsa boanedi (sekao: dibalate, dikhutshwe, thutaditso).
Reetsa ka tlhoafalo le ka tlhokomelo tshedimosetso le melaetsamegolo, mme ba arabe kgotsa ba e tsibogele ka tlhomamo sekao: go kwala dintlha, go sosobanya, go ruma le go fetisetsa tshedimosetso ka nepagalo:
Kwala dintlha, sobokanya le go neelana katshedimosetso ka nepagalo;
Akanya ka ga megopolo, botsa dipotso ledikgwetlho mo go tlhokegang.
Lemoga ka moo meraba e e tlwaelegileng ya motlotlo e rulagantsweng ka teng, le go tlhalosa dingwe tsa diponagalo tsa yona (sekao: pegelo ya bosa, dikaelo, metlae, dipina) Se, se akaretsa go lemoga didiriswa tse di dirisetswang metlae jaaka, kgaotso le tiriso mela e e tlhagang e emisiwa.
Tlhaola le go ranola ka tshwanelo, tiriso ya ditogamaano tse e seng tsa molomo (sekao: ditlhagiso tsa sefatlhego, tiriso ya diatla le modumo).
Tlhaola mafoko, dikapolelo le dipolelo tse di gwetlhang bareetsi le go tlhalosa tlhotlheletso ya tsona (sekao: puo ya maikutlo, pharologanyo fa gare ga dintlha le megopolo, tlhotlhololo le kgobelelo).
Re lemoga seno fa moithuti a kgona go:
Reetsa le go itumelela puo ya thadiso kgotsa e e tlhagisang maikutlo, ya go ikakanyetsa ya meraba/ditlhangwa tsa boanedi (sekao: dibalate, dikhutshwe, thutaditso).
Reetsa ka tlhoafalo le ka tlhokomelo, tshedimosetso le melaetsamegolo, mme ba arabe kgotsa ba e tsibogele ka tlhomamo (sekao: go kwala dintlha, go sosobanya, go ruma le go fetisetsa tshedimosetso ka nepagalo):
Kwala dintlha, sobokanya le go neelana ka tshedimosetso ka nepagalo;
Akanya ka ga megopolo, botsa dipotso le dikgwetlho mo go tlhokegang.
Lemoga ka moo meraba e e tlwaelegileng ya motlotlo e rulagantsweng ka teng, le go tlhalosa dingwe tsa diponagalo tsa yona (sekao: pegelo ya bosa, dikaelo, metlae, dipina) Se, se akaretsa go lemoga didiriswa tse di dirisetswang metlae jaaka, kgaotso le tiriso mela e e tlhagang e emisiwa.
Tlhaola le go ranola ka tshwanelo, tiriso ya ditogamaano tse e seng tsa molomo (sekao: ditlhagiso tsa sefatlhego, tiriso ya diatla le modumo).
Tlhaola mafoko, dikapolelo le dipolelo tse di gwetlhang bareetsi le go tlhalosa tlhotlheletso ya tsona (sekao: puo ya maikutlo, pharologanyo fa gare ga dintlha le megopolo, tlhotlhololo le kgobelelo).
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re lemoga seno fa moithuti a kgona go:
Reetsa le go itumelela puo ya thadiso kgotsa e e tlhagisang maikutlo, ya go ikakanyetsa ya meraba/ditlhangwa tsa boanedi (sekao: dibalate, dikhutshwe, thutaditso).
Reetsa ka tlhoafalo le ka tlhokomelo, tshedimosetso le melaetsamegolo, mme ba arabe kgotsa ba e tsibogele ka tlhomamo (sekao: go kwala dintlha, go sosobanya, go ruma le go fetisetsa tshedimosetso ka nepagalo):
Kwala dintlha, sobokanya le go neelana ka tshedimosetso ka nepagalo;
Akanya ka ga megopolo, botsa dipotso le dikgwetlho mo go tlhokegang.
Lemoga ka moo meraba e e tlwaelegileng ya motlotlo e rulagantsweng ka teng, le go tlhalosa dingwe tsa diponagalo tsa yona (sekao: pegelo ya bosa, dikaelo, metlae, dipina) Se, se akaretsa go lemoga didiriswa tse di dirisetswang metlae jaaka, kgaotso le tiriso mela e e tlhagang e emisiwa.
Tlhaola le go ranola ka tshwanelo, tiriso ya ditogamaano tse e seng tsa molomo (sekao: ditlhagiso tsa sefatlhego, tiriso ya diatla le modumo).
Tlhaola mafoko, dikapolelo le dipolelo tse di gwetlhang bareetsi le go tlhalosa tlhotlheletso ya tsona (sekao: puo ya maikutlo, pharologanyo fa gare ga dintlha le megopolo, tlhotlhololo le kgobelelo).
Poelothuto ya 1 Tsweletso GO REETSA
Moithuti o kgona go theeletsa tshedimosetso le go e itumelela, mme a tsibogele ka tshwanelo le ka bosekaseki mo mabakeng a a farologaneng.
Re lemoga seno fa moithuti a kgona go:
Lemoga le go amogela mefutapuo mo puong jaaka, ditengwana le dipuo tsa mephato e e farologaneng jaaka mmuo.
Go tlhaola mesola ya hisetori, loago le setso ya bokaelo jwa meraba e e tlhophilweng.
Re lemoga seno fa moithuti a kgona go:
Lemoga le go amogela mefutapuo mo puong jaaka, ditengwana le dipuo tsa mephato e e farologaneng jaaka mmuo.
Go tlhaola mesola ya hisetori, loago le setso ya bokaelo jwa meraba e e tlhophilweng.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re lemoga seno fa moithuti a kgona go:
Lemoga le go amogela mefutapuo mo puong jaaka, ditengwana le dipuo tsa mephato e e farologaneng jaaka mmuo.
Go tlhaola mesola ya hisetori, loago le setso ya bokaelo jwa meraba e e tlhophilweng.
GO BUARe itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go bua/buisana ka nonofo le bokgoni ka puo e e Tlotla dikakanyo le maikutlo ka phuthologo le nonofo, buiwang mo mabakeng a a le ka thuso nngwe, a dirisa mefuta ya meraba ya farologaneng. motlotlo o o tlhophilweng (sekao: dikgang, metlae, diterama).
Tlotla dikakanyo, dintlha le megopolo sentle le ka nepagalo le kgolagano, a dirisa mefuta ya meraba ya motlotlo o o sa namang (sekao: dipuisano, dikganetsano tse dikhutshwane).
Supa dikgono tse di bonolo mo mefuteng ya meraba ya motlotlo o o tlhophilweng:
Tatedisano e e nepagetseng ya ditaelo le dithanolo tsa motlotlo;
Tlhagisa dikganetsano tse di lolameng;
A tshwara dipotsolotsano le balekane a dirisa dipotso tse di bonolo.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Tlotla dikakanyo le maikutlo ka boitlhamedi le phuthologo le nonofo e kgolo, le ka thuso e nnye, a dirisa mefuta ya meraba ya motlotlo o o tlhophilweng (sekao: diterama, ketsisa-tiragalo, dipina).
Tlotla dikakanyo,dintlha le megopolo sentle le ka nepagalo le kgolagano e kgolo, mo ditlhogong tsa mefuteng ya meraba ya motlotlo o o namileng. (sekao: dipuisano, dikganetsano.)
Supa dikgono tse di bonolo mo mefuteng ya meraba ya motlotlo e e rileng:
Ka tatedisano e e nepagetseng ya ditaelo le dithanolo tse di matswakabele tsa motlotlo;
Ka go tlhalosa mokgwa wa go dira tekeletso/ekeseperimente;
Ka go tshwara dipotsolotsano le baagi a dirisa dipotso tse di bonolo.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Tlotla dikakanyo le maikutlo ka boitlhamedi le phuthologo le nonofo le ka boikamelo, a dirisa mefuta ya meraba ya motlotlo o o tlhophilweng (sekao: diterama, maboko).
Tlotla dikakanyo, dintlha le megopolo sentle le ka nepagalo le kgolagano a dirisa ditlhogo tse di gwetlhang tsa mefuta ya meraba ya motlotlo o o namileng. (sekao: tlhalosetso ya diragalo tsa thekenoloji jaaka go dirisa khompiotara le setshameka-divideo.)
Supa dikgono tse di kwa godimo mo mefuteng e e anameng ya meraba ya motlotlo o o rileng:
Ka go tlhalosa ditiragalo tsa thekenolojile le go ithuta dikakanyo tse di matswakabele ka tatelano, sekao: mokgwa wa go dirisa khompiotara;
Ka go tshwara dipotsolotsano ka tshwanelo a dirisa dithekeniki tse di kwa godimo tsa dipotsolotso (sekao: go botsa dipotso tse di utulolang).
GO BUARe itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go bua/buisana ka nonofo le bokgoni ka puo e e Supa dikgono tse di bonolo tsa kgolagano ka go nna lebuiwang mo mabakeng a a seabe mo dipuisanong tsa setlhopha, dipotsolotsano, farologaneng. dikganetsano mme a tsweletse:
Go mekamekana le merero ya botlhokwa (sekao: merero ya leago le setho e e golaganeng);
Go nna le diabe tse di farologaneng;
Go amogela megopolo e mengwe;
Tlhalosa mokgwa ya go bona dilo;
Naya tshekatsheko;
Tlisa kgolagano ka go botsa dipotso, go naya boitlhophelo, go letla dikarabo tse di phuthologileng, go supa kgatlhego;
Go supa masisi go ditswanelo le maikutlo a bangwe;
Go gwetlha tiriso ya puo e e seng masisi le e e tlhotlhololang.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Supa dikgono tsa kgolagano ka go nna le seabe mo dipuisanong tsa setlhopha, dikganetsano, patlisiso ya setlhopha, mme a tsweletse:
Go mekamekana le merero ya botlhokwa (sekao: merero ya leago le setho e e golaganeng);
Go botsa dipotso tse di maleba;
Go nna le diabe tse di farologaneng;
Go amogela megopolo ya ba bangwe le go e ganetsa ka boikobo;
Tiisetsa mokgwa wa go bona dilo;
Go bona diphoso le go amogelwa go bonwa diphoso;
Go tlhotlheletsa ba bangwe;
Go tlisa kgolagano ka go botsa dipotso go sedifatsa bokao, go naya boitlhophelo, go letla dikarabo tse di phuthologileng, go supa kgatlhego;
Go supa masisi go ditswanelo le maikutlo a bangwe mo dipuisanong tse maleba;
Go gwetlha tiriso ya puo e e seng masisi le e e tlhotlhololang.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Supa dikgono tse di matswakabele tsa kgolagano ka go nna le seabe mo dipuisanong tsa setlhopha, dikganetsano, dipotsolotso tsa setlhopha, dipatlisiso mme a tsweletse:
Go mekamekana le merero ya botlhokwa (sekao: merero ya leago le setho e e golaganeng go botsa dipotso tse di utulolang);
Go etelela pele dipuisano;
Go rerisanya ka dipharologano, le go fitlhelela tharabololo;
Go tisetsa mokgwa wa go bona dilo o dirisa bopaki le megopolo e e tshwanang go tswa mo balekaneng, e le sesupo sa bolemelagotlhe le;
Go amogela ditshwetso tse o sa dumelelaneng le tsona;
Go amogela dikgwetlho le go amogela go bonwa diphoso mo go maleba;
Go tlisa kgolagano ka go botsa dipotso, go neelana ka megopolo, go baakanya puo ka maikaelelo a go sedifatsa bokao, go naya boitlhophelo, go letla dikarabo tse di phuthologileng;
Go farologanya gore o supang leng masisi go ditshwanelo le maikutlo a ba bangwe le gore oka emelelana leng le go tlhoka masisi kgotsa tlhotlhololo.
GO BUARe itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go bua/buisana ka nonofo le bokgoni ka puo e e Go neelana ka metlotlo ka nepagalo le boitlhamedi, o buiwang mo mabakeng a a etse tlhoko: farologaneng.
Kapodiso e e utlwalang;
Kgaotso;
Thefosanyo ya lebelo le modumo;
Maikaelelo le bareetsi;
Seemo le tiriso ya puo ya dithwe;
Ditlwaelo tse di farologaneng tsa loago le setso;
Malepa a dikapuo a a maleba jaaka setlhoa le tshitasetlhoa.
Lemoga le go tlhalosa katlego ya gagwe ya kgolagano.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Go neelana ka metlotlo ka nepagalo le boitlhamedi, o etse tlhoko:
Kapodiso e e utlwalang;
Kgaotso;
Thefosanyo ya lebelo le modumo;
Maikaelelo le bareetsi;
Seemo le tiriso ya puo ya dithwe;
Mekgwa e e farologaneng ya metlotlo, mmuo segalo le ditlwaelo tse di farologaneng tsa loago le setso;
Malepa a dikapuo a a maleba jaaka setlhoa le tshitasetlhoa le pheteletso.
Go tlhaola le go tlotla ka ga dingwe tse di nang le seabe mo katlegong ya gagwe ya kgolagano.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Go neelana ka metlotlo ka nepagalo le boitlhamedi, o etse tlhoko:
Kgaotso le thefosanyo ya lebelo le modumo mo dintlheng tsa botlhokwa;
Maikaelelo le bareetsi;
Seemo, tiriso ya matsogo, puo ya dithwe le sefatlhego go ngoka bareetsi;
Mekgwa e e farologaneng ya metlotlo, mmuo segalo, seemo sa semmuso le ditlwaelo tse di farologaneng tsa loago le setso;
Malepa a dikapuo a a maleba jaaka setlhoa le tshitasetlhoa le pheteletso le dipotso.
Go tlhatlhoba katlego ya go golagana ga mongwe le go tokafatsa.
GO BUISA LE GO BOGELA
Moithuti o kgona go buitsetsa le go bogelela tshedimosetso le go e itumelela, le go tsibogela ka bosekaseki dielo tsa bokgabale, setso le maikutlo tse di mo merabeng.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Buisa ka nosi, mme mo mabakeng a le mantsi a buisetsa monate le tshedimosetso go anama le mefuta ya meraba e e ithutilweng, a tlhalosa ditsibogelo tsa gagwe le go tlotla ka mefuta ya meraba e a e itumelelang.
Buisetsa godimo le ka setu no mabakeng a a farologaneng, a dirisa mekgwa e e maleba ya go buisa (go tlhokola le go senola, go abelela, metlhala ya bokaelo, ditswetso.)
Tlhaola maikaelelo, bareetsi le bokaelo jwa moraba.
Supa go tlhaloganya tshedimosetso ya meraba:
A tlhaola mereromegolo le go tlhalosa gore dintlha di thusa moreromogolo jang.
Tlhaola meraba e e farologaneng le diponagalo tsa yona tse dikgolo le go tlhalosa tsela e moraba o rulagantsweng ka teng (sekao: maboko, diathikele tsa dikuranta, dikhutshwe, dipapatso, diathikele tsa dimakasini tse dikhutshwane.)
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Buisa ka nosi, mme mo mabakeng a le mantsi a buisetsa monate le tshedimosetso go anama le mefuta ya meraba e e ithutilweng, a tlotla ditsibogelo tsa gagwe le ka ga mefuta ya meraba e a e itumelelang le go atlenegisa meraba e go ba bangwe.
Buisetsa godimo le ka setu mo mabakeng a a farologaneng, a lomaganya dithekeniki tse di maleba tsa go buisa tse ithutilweng mo dikereiting tse di kwa tlase.
Tlotla maikaelelo, bareetsi le bokaelo jwa moraba.
Supa go tlhaloganya tshedimosetso ya meraba:
a tlhaola mereromegolo le go tlhalosa gore dintlha di thusa moreromogolo jang:
A botsolotsa megopolo mo go tlhokafalang,
A atlhola le go tsaya ditshwetso ka ga megopolo ka bopaki jo bo teng,
A tlhaola le go tlhalosa tebelo tse di farologaneng.
Tlhalosa ka moo diponagalo tse dikgolo le thulaganyo ya mefuta ya meraba e thusang go tlhalosa ka moo moraba o dirang ka teng. (sekao: maboko, dipatsana, diartikele tsa dikuranta, makwalo, dibalate, ditshekatsheko tsa dibuka).
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Buisa ka nosi, mme mo mabakeng a le mantsi a buisetsa monate le tshedimosetso go anama le mefuta ya meraba e e ithutilweng, a tlotla ditsibogelo tsa gagwe le ka ga mefuta ya meraba e a e itumelelang le go atlenegisa meraba e go ba bangwe.
Buisa ka nosi, a buisetsa kwa godimo le ka setu mo mabakeng a a farologaneng, a lomaganya dithekeniki tse di maleba tsa go buisa tse ithutilweng mo dikereiting tse di kwa tlase.
Tlotla le go tlhalosa maikaelelo, bareetsi le bokaelo jwa moraba.
Supa go tlhaloganya tshedimosetso e e anameng ya meraba:
A tlhaola mereromegolo le go tlhalosa gore dintlha di thusa moreromogolo jang a sekaseka dikakanyo a tlotla ditebelo tse di farologaneng.
Tlotla ka moo diponagalo tse dikgolo le thulaganyo ya mefuta ya meraba e thusang go tlhalosa ka moo moraba o dirang ka teng. (sekao: maboko a maleele, dipatsana, diartikele tsa dikuranta, makwalo, dibalate, ditshekatsheko tsa dibuka).
GO BUISA LE GO BOGELARe itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go buitsetsa le go bogelela tshedimosetso le go e Supa go tlhaloganya moraba, maikaelelo a ona le itumelela, le go tsibogela ka kgolagano le botshelo jwa gago ka go sekaseka poloto, bosekaseki dielo tsa bokgabale, merero, baanelwa le lefelo. setso le maikutlo tse di mo merabeng.
Tlhaola le go sekaseka malepa a a dirisiwang go bopa ditlamorago dingwe mo merabeng e e tlhaotsweng e e bogelwang, e e kwadilweng le ya medumo-pogelwa jaaka:
Malepa a a bonolo a dikwalo le tiriso ya puo (sekao: motshamekofoko, mmuo);
Go bopa dipopi (sekao: tlhopho le maemo a ditshwantsho/dinepe, tiriso ya bogolo le boleng jwa mokwalo, tiriso ya mmala);
Dithekeniki tsa khamera le filimi (bogaufi le bokgakala).
Tsibogela meraba ka bosekaseki:
Ka go tlhaola ntlha tebelo ya mokwadi;
Ka go tlhaola melaetsa e e bofitlha mo morabeng;
Go tlhaola dikgobelelo le ditlhotlhololo tse mo pontsheng;
Go tlhaola mekgwa e mokwadi a bopang puiso ya moraba ka teng ka tlhopho ya mafoko.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Supa go tlhaloganya moraba, maikaelelo a ona le kgolagano le botshelo jwa gago ka go tlotla poloto, merero, mosola le lefelo.
Sekaseka malepa a a dirisiwang go bopa ditlamorago dingwe mo merabeng e e tlhaotsweng e e bogelwang,e e kwadilweng le ya bobegakgangbontsi jaaka:
Nonofo ya malepa a dikwalo le puo e e dirisitsweng;
Mosola wa dipopi tsa kagego. (sekao: mofuta le maemo a didiriswa tsa botaki, tiriso ya mmala);
Mosola wa dithekeniki tsa khamera le filimi (bogaufi, bokgakala, dikhutlo tsa khamera, ponelomorago).
Tsibogela meraba ka bosekaseki:
Ka go tlotla ntlha tebelo ya mokwadi;
Ka go tlotla melaetsa e e bofitlha mo morabeng le dikgobelelo le ditlhotlhololo;
Go tlotla ka moo bokaelo bo fokelelangmolaetsa ka teng;
Go lemoga se se tlogetsweng mo morabeng le go sekaseka go re goreng, le go botsa gore a o dumelelana le melaetsa e e mo morabeng.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Supa go tlhaloganya moraba, maikaelelo a ona le kgolagano le botshelo jwa gago ka go sekaseka tswelelo ya poloto, merero, mosola le lefelo.
Sekaseka malepa a a dirisiwang go bopa ditlamorago dingwe mo merabeng e e tlhaotsweng e e bogelwang, e e kwadilweng le ya bobegakgangbontsi jaaka:
Nonofo ya malepa a dikwalo le puo e e dirisitsweng;
Mosola wa dipopi tsa kagego. (sekao: mofuta le maemo a didiriswa tsa botaki, tiriso ya mmala);
Mosola wa dithekeniki tsa khamera le filimi (bogaufi, bokgakala, dikhutlo tsa khamera, ponelomorago).
Tsibogela meraba ka bosekaseki:
Ka go sekaseka ntlha ya tebelo ya mokwadi;
Ka go sekaseka melaetsa e e bofitlha mo morabeng le dikgobelelo le ditlhotlhololo le go tlhagisa mogopolo wa gago le tharabololo nngwe;
Go tlotla ka moo bokaelo jwa leago le setso bo fokelelang molaetsa ka teng;
Go lemoga se se tlogetsweng mo morabeng le go sekaseka go re goreng, le go botsa gore a o dumelelana le melaetsa e e mo morabeng.
Poelothuto ya 3 Tsweletso GO BUISA LE GO BOGELA
Moithuti o kgona go buitsetsa le go bogelela tshedimosetso le go e itumelela, le go tsibogela ka bosekaseki dielo tsa bokgabale, setso le maikutlo tse di mo merabeng.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Tlhaola le go tlotla merero ya loago, setso, tikologo le setho e e mo merabeng (jaaka, e tlhagisiwa ke mefama e e farologaneng ya moraba jaaka diteng, puo, botaki, baanelwa).
Sekaseka dikgono tsa gagwe jaaka mmuisi.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Tlhaola le go tlotla merero ya loago, setso, tikologo le setho e e mo merabeng le go tlhaola mefama ya meraba e e tshotseng mesola e e golaganeng le yona (sekao: diteng, puo, botaki, tebelo, baanelwa).
Sekaseka dikgono tsa gagwe jaaka mmuisi.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Naya katlholo ka ga merero ya loago, setso, tikologo le setho e e mo merabeng le go tlhaola mefama ya meraba e e tshotseng mesola e e golaganeng le yona (sekao: diteng, puo, botaki, tebelo, baanelwa).
Sekaseka dikgono tsa gagwe jaaka mmuisi.
GO KWALARe itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go kwala mefuta e e farologaneng ya meraba ya dintlha tsa Kwala meraba ya maitlhomo e e tlhophilweng:
boammaaruri le tsa maitlhomo mo
Go tlhagisa maitlhomo, dikakanyo le maikutlo ka mabakeng a a farologaneng. wena le ba bangwe;
Go tlhotlhomisa tiriso ya puo ya botlhami le e e tshamekang ka go kwala ditlhamo tse di anelang le tse di tlhalosang, dibukatsatsi, makwalo a botsalano, dipuisano, maboko le dipina.
Tlhagisa meraba e e tlhophilweng ya dintlha tsa boammaaruri le meraba e e dirisang mekgwa e e farologaneng mo mabakeng a a farologaneng, a dirisa didiriswa tsa pono le tsa botaki mo go tshwanelang, ka go dirisa pegelo ya mmoni, diphousetara, dipegelo tsa dibuka, diresepe, metshameko.
Supa dikgono tse di bonolo mo diponagalong tse di tlhophilweng tsa go kwala, di le maleba le mofuta wa moraba (sekao: go lemoga maitshetlego le poloto mo padding; lemoga moribo le morumo mo pokong, a dirisa puo e e bonolo mo dithanolong tse di bonolo, a supa tatelano mo dithulaganyong.)
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Kwala meraba ya maitlhomo e e tlhophilweng:
Go tlhagisa maitlhomo, dikakanyo le maikutlo ka wena le ba bangwe;
Go tlhotlhomisa tiriso ya puo ya botlhami, le ya bosekaseki le e e tshamekang ka go kwala ditlhamo tse di anelang le tse di tlhalosang dipuisano, maboko le dipina le makwalo.
Tlhagisa meraba ya dintlha tsa boammaaruri le meraba e e dirisang mekgwa e e farologaneng mo mabakeng a a farologaneng, a dirisa didiriswa tsa pono le tsa bobopi mo go tshwanelang, ka go dirisa pegelo ya ditiragalo, dipegelo tsa diporojeke tsa ditlhotlhomisi, diphousetara, le dipegelo tsa dibuka.
Supa dikgono tse di bonolo mo diponagalong tse di rileng tsa go kwala, di le maleba le mofuta wa moraba (sekao: senola baanelwa, go lemoga maitshetlego le poloto mo dikaneding le mo dikwalong tse di tlhalosang, a dirisa botshwantshi jo bo bonolo mo pokong).
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Kwala meraba ya maitlhomo e e tlhophilweng:
Go tlhagisa maitlhomo, dikakanyo le maikutlo ka wena le ba bangwe;
Go tlhotlhomisa tiriso ya puo ya botlhami, le ya bosekaseki le e e tshamekang ka go kwala ditlhamo tse di anelang le tse di tlhalosang dipuisano, maboko le dipina le makwalo dikhutshwe, terama e e utlwiwang le go bonwa.
Tlhagisa meraba ya dintlha tsa boammaaruri le meraba e e dirisang mekgwa e e farologaneng mo mabakeng a a farologaneng, a dirisa didiriswa tsa pono le tsa bobopi mo go tshwanelang, ka go dirisa pegelo ya ditiragalo, dipegelo tsa diporojeke tsa ditlhotlhomisi, diphousetara, le dipegelo tsa dibuka, dipegelo tsa dibuka, pegelo ya mmoni, pegelo ya kuranta, lemorago la boithutedi, dintlhakgolo tsa pitso le metsotso ya pitso.
Supa dikgono tse di bonolo mo diponagalong tse di rileng tsa go kwala, di le maleba le mofuta wa moraba (sekao: go tsweletsa baanelwago lemoga maitshetlego le poloto mo dikaneding le mo dikwalong tse di tlhalosang, a dirisa botshwantshi jo bo namileng mo go kwaleng poko).
GO KWALARe itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go kwala mefuta e e farologaneng ya meraba ya dintlha tsa Dirisa tiragalo ya go kwala ka go buisana ka boammaaruri le tsa maitlhomo mo ditlhophana go kwala meraba ka:
mabakeng a a farologaneng.
Go tlhopha le go tlhotlhomisa ditlhogo ka go tlotla ka tsona, o dirisa karata ya dikakanyo le manaane;
Go dirisa meraba e mengwe jaaka dikai tsa go kwala;
Go rulagnya le go tsweletsa setlhogo ka go dirisa tshedimosetso go tswa mo metsweding e mengwe;
Go rulaganya dikakanyo ka go di golaganya ka tsela e e bonolo, e e latelanang go tlhagisa maiteko a ntlha;
Go sekaseka maiteko, o etse tlhoko; maikaelelo, babadi, tiriso ya puo le tatelano, mme o boeletse;
Go sekaseka le go tlotla ka ga dikwalo tsa gago le tsa balekane, o supa masisi go ditshwanelo le maikutlo a ba bangwe;
Go baakanya diphoso tsa maiteko a bofelo ka go dirisa kitso ya puo mo tirisong, o tsepamisitse mo thutapuong, matshwaopuiso, mopeletole tlotlofoko e e maleba le kereiti;
Phasalatsa kumo ya bofelo, o etse tlhoko tebego le matshwaotota a bobopi.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dirisa tiragalo ya go kwala ka go buisana ka ditlhophana go kwala meraba ka:
Go tlhopha le go tlhotlhomisa ditlhogo ka go tlotla ka tsona, o dirisa karata ya dikakanyo le manaane;
Go dirisa meraba e e matswakabele jaaka dikai tsa go kwala;
Go rulagnya le go tsweletsa setlhogo ka go dirisa tshedimosetso e e maleba go tswa mo metsweding e mengwe;
Go rulaganya dikakanyo ka go di golaganya ka tsela e e latelanang go tlhagisa maiteko a ntlha
Go sekaseka maiteko a mantsi, o etse tlhoko maikaelelo, babadi, tiriso ya puo le tatelano e matswakabele, le dintlha tse di bonolo tsa setaele mme o boeletse;
Go sekaseka le go tlotla ka ga dikwalo tsa gago le tsa balekane, o dira dikatlenegiso, go supa masisi go ditshwanelo le maikutlo a ba bangwe;
Go baakanya diphoso tsa maiteko ka go dirisa kitso ya puo mo tirisong, o tsepamisitse mo thutapuong, matshwaopuisong, mopeletong le tlotlofokong e e maleba le kereiti;
Phasalatsa kumo ya bofelo, o etse tlhoko tebego e e botlhami le matshwao a farologaneng a bobopi.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dirisa tiragalo ya go kwala ka go buisana ka ditlhophana go kwala meraba ka:
Go tlhopha le go tlhotlhomisa ditlhogo ka go tlotla ka tsona, o dirisa manaane le dintlha;
Go dirisa meraba e e matswakabele jaaka dikai tsa go kwala;
Go rulagnya le go tsweletsa setlhogo ka go dirisa tshedimosetso e e maleba go tswa mo metsweding e mengwe;
Go rulaganya dikakanyo ka go di golaganya ka tsela e e latelanang go tlhagisa maiteko a ntlha;
Go sekaseka maiteko a mantsi, o etse tlhoko maikaelelo, babadi, tiriso ya puo le tatelano e matswakabele, le dintlha tse di bonolo tsa setaele mme a boeletse;
Go sekaseka le go tlotla ka ga dikwalo tsa gago le tsa balekane, a dira dikatlenegiso go supa masisi go ditshwanelo le maikutlo a ba bangwe;
Go baakanya diphoso tsa maiteko ka go dirisa kitso ya puo mo tirisong, o tsepamisitse mo thutapuong, matshwaopuisong, mopeletong le tlotlofokong e e maleba le kereiti;
Phasalatsa kumo ya bofelo, o etse tlhoko tebego e e botlhami le matshwao a farologaneng a bobopi.
GO AKANYA LE GO BATLA MABAKA Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go dirisa puo go akanya le go batla mabaka mme a fitlhelele, a Dirisa puo go akanya le go batla mabaka:
tlhotlhe, le go dirisa kitso e, go ithuta.
A utulola bokao, le go tlhalosa maikaelelo a mokwadi ka go ranola meraba e e kwadilweng, e e bonwang le e e utlwiwang go ralala kharikhulamo;
Go tlhalosa go tlholana ga dilo;
Go dira tlhopho e e laolwang ke se se botoka;
Go tlhagisa le go tsweletsa tebelo ya gago e e tlhamaletseng;
Go tshegetsa ngangisano ka bopaki jo bo farologaneng (sekao: dipalopalo le tse dingwe);
A dirisa dipotso go tsweletsa mogopolo wa gagwe kgotsa wa ba bangwe;
A dirisa dipopi tse di maleba tsa puo go tlhagisa mogopolo o o matswakabele (sekao: mo tirisong ya dipolelwanakala-tlhalosi tsa boemo, jk. "fa o ka mpha dijo, ke tla tsamaya le wena".)
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dirisa puo go akanya le go batla mabaka:
Go diragatsa dikgono tsa go akanya le go batla mabaka mo bokaelong jo bo farologaneng go ralala kharikhulamo;
Go tlotla le go tlhalosa mefama le seemo sa mokwadi mo merabeng e e farologaneng;
Go sa dumelelane le go naya lebaka la go sa dumelelane;
Go lemoga le go tlhalosa lebaka la go re goreng tshedimosetso e ka tsewa e le ya boammaaruri;
Go dirisa maitemogelo go tiisa ntlha ya tebelo;
Go botsa le go naya lebaka la go rarabolola mathata le go tsweletsa go akanya ka ga merero e matswakabele le maikutlo (sekao: merero ya ditshwanelo tsa botho le ya tikologo, ditlalelo tsa batho, ditlhogo go ralala kharikhulamo).
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dirisa puo go akanya le go batla mabaka:
Go diragatsa dikgono tsa go akanya le go batla mabaka mo bokaelong jo bo farologaneng go ralala kharikhulamo ka boena;
Go lemoga le go tlotla kakanyokgolo letebelelo ya mokwadi mo merabeng e efarologaneng;
Go sekaseka go tlholana ga ditiragalo ka botlalo, mo merabeng ya dikwalo le mo merabeng go ralala kharikhulamo (sekao: ka go lebelela mabaka a a fitlhegileng);
Go tsweletsa le go dirisa dingangisano ka tsela e mokwadi le mmadi ba ka bonang botlhale ka teng;
Go nnang le tsholofelo ya dikarabo le go ganetsa;
Go tlhagisa dingangisano tse di emelanang, le go neelana ka boitlhophelo;
Go dirisa tshedimosetso ya boammaaruri le go ranola dipalopalo ka nonofo e e kwa godimo go tshegetsa ngangisano;
Go dirisa maitemogelo a gago le go a fapologantsha le a ba bangwe go tlhagisa ntlha ya tebelo;
Go dirisa dipotso, ditemogotlhaelo (inference) le ditshekatsheko go tsweletsa kakanyo, le go rarabolola mathata.
GO AKANYA LE GO BATLA MABAKA Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go dirisa puo go akanya le go batla mabaka mme a fitlhelele, a Dirisa puo go batlisisa le go tlhotlhomisa:
tlhotlhe, le go dirisa kitso e, go ithuta.
Ka go tlhaola tshedimosetso e e tlhokegang go thusa mo batlisiseng bothata;
A dirisa mafokomagolo le kakanyokgolo go tlhopha metswedi e e maleba ya tshedimosetso;
A utlwelela, a buisa, le go leba moraba go tswa mo metsweding e e farologaneng ka maikaelelo a go kgobokanya le go tlhopha kitso;
A dirisa thekeniki e e siameng le melawana fa o dira khophi le fa o nopola tshedimosetso go tswa mo metsweding (sekao: tlhagisa mokwadi, setlhogo, letlha, mophasalatsi, nomore ya ditsebe, lefelo la web jj.);
A dira mo diporojekeng tse di maphataphata go ralala Dikarolo Thuto mme a tlhagisa kumo e e logaganeng.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dirisa puo go batlisisa le go tlhotlhomisa:
Ka go botsa dipotso tse di amang merero ya bosetšhaba le ya kharikhulamo ka bophara (sekao: tiriso ya thupa, dipuisano tsa tikologo);
A dira tlhopho e e maleba morago ga go bona mabaka;
A dira tlhotlhomisi e e ikemetseng go ralala kharikhulamo;
A bona lefelo le go naya tshedimosetso go tswa mo metsweding e e anameng le e farologaneng (sekao: radio, internet, mefuta ya meraba e e kwadilweng, dilaeborari);
A tokafatsa tiriso e e botoka ya thekeniki ya go kaya metswedi le melawana ya fa o dira khophi le fa o nopola tshedimosetso go tswa mo metsweding (sekao: mokwadi, setlhogo, letlha, mophasalatsi, nomore ya ditsebe, lefelo la web jj.);
A dira kgabetsakgabetsa mo diporojekeng tse di maphataphata go ralala Dikarolo Thuto mme a tlhagisa kumo e e logaganeng.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dirisa puo go batlisisa le go tlhotlhomisa:
Ka go botsa dipotso tse di gwetlhang mo mererong ya bosetšhaba le ya kharikhulamo ka bophara (sekao: HIV/AIDS, phokotsego ya dielo tsa merokotso);
A lemoga fa sebui kgotsa motswedi o le bokaokao, a dirisa bopaki e seng ka tshwanelo, a dira boikao jo bo se nang boammaaruri, le go botsa dipotso tse di maleba go bona tshedimosetso e ntsi, e e nepagetseng;
A botsa le go lekanya ditlhopho;
A utulola mefuta ya melebo go rulaganya le go tlhagisa tlhotlhomisi ka setlhogo (ka Dipuo le Dikarolo Thuto tse dingwe);
A tsaya tsia ditebelo tse di farologaneng fa a tlhopha tshedimosetso;
A katolosa metswedi le mekgwa ya go bona tshedimosetso e e maleba (sekao: metswedi ya dikgang, ya motlakase le e mengwe jaaka dikuranta, diakhaefe, difilimi tsa ditiragalo, dilaeborari tse di kgethegileng);
A dira kgabetsakgabetsa mo diporojekeng tse di maphataphata go ralala Dikarolo Thuto mme a tlhagisa kumo e e logaganeng.
Dielo tsa Tlhatlhobo Tsweletso GO AKANYA LE GO BATLA MABAKA Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go dirisa puo go akanya le go batla mabaka mme a fitlhelele, a Ranola tshedimosetso:
tlhotlhe, le go dirisa kitso e, go ithuta.
Ka go kwala tshedimosetso mo sebopegong se se ka fitlhelelwang (sekao: manaaane, dikarata tsa dikakanyo, dintlha, ditsobokanyo j.j);
Ka go rulaganya tshedimosetso ka tshwanelo (sekao: go ya nako le botlhokwa);
Ka go fetola tshedimosetso go tswa mo sebopegong [kgotsa puo] se sengwe go ya go se sengwe (sekao: dikarata tsa dikakanyo go ya go ditemana, manaane go ditshobokanyo j.j);
Supa bosekaseki ka go abelana le botsolotsa dikakanyo;
Go bapisa ditebelo tse di farologaneng, le go tlhaola dipharologano le go tshwana;
Ka go dirisa puo e e maleba ya go bapisa (sekao: ka jalo, mo ntlheng e nngwe);
Ka go tlhopha tshedimosetso e e maleba ya botlhokwa go tswa mo metsweding le bathong ba ba farologaneng, le go logaganya dineelo ka dikakanyo tsa gagwe go bopa kumo e e duleng diatla.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Ranola tshedimosetso:
Ka go lekeletsa ka mefuta e e farologaneng ya go tsaya dintlha le go dira dintlha (sekao: go tsaya dintlha mo maemong a a farologaneng, o dirisa dikhutshwafatso ka ntlha ya lebelo);
Ka go ela tlhoko dintlha tsa go kaya metswedi;
Ka go anywa le go logaganya tshedimosetso, a dirisa dikgono tsa go reetsa, go buisa, go kwala le go bogela;
Ka go fetola tshedimosetso go tswa mo sebopegong kgotsa puo e nngwe go ya go e nngwe (go bopolola kgotsa go fetolela);
Ka go sobokanya tshedimosetso kgotsa dikakanyo ka go di tlhopha, ka kakaretso, ka karoganyo le go runa, le go akanya ka kumo;
Ka go bopa dikakanyo mo motlotlong le mo kwalong, ka mekgwa e matswakabele, a dirisa kitso ya puo.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
A ranola tshedimosetso:
Go tsweletsa dikgono tsa go tsaya dintlha le go dira dintlha (sekao: go tlhopha, go rulaganya, go aroganya tshedimosetso a dirisa manaane, dikarata tsa dikakanyo) mme a akaretsa dinopolo le dintlha tsa go kaya metswedi;
Ka go tlhopha tshedimosetso e e maleba le e e gaisang go tswa mo metsweding le batho ba ba farologaneng le go logaganya dineelano le dikakanyo tsa gagwe go bopa kumo e e logaganeng le e e duleng diatla;
Ka go fetola tshedimosetso go tswa mo se-bopegong kgotsa puo e nngwe go ya go e nngwe (go bopolola kgotsa go fetolela);
Ka go sekaseka botshepegi le boleng jwa tshedimoseto go tswa mo metsweding ya bokwadi le mo bophasalatsing (sekao: mo mererong ya sesweng);
Ka go kwala le go bua a dirisa puo le dipopipolelo tse di matswakabele thata go sedifatsa le go utlwatsa.
GO AKANYA LE GO BATLA MABAKA Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go dirisa puo go akanya le go batla mabaka mme a fitlhelele, a A na le kakanyo ya botlhami:
tlhotlhe, le go dirisa kitso e, go ithuta.
Ya go ipopela, go abelela, go ja ditoro le go gatelela, go bopa bokao le rarabolola mathata;
Ya go dirisa go kwala go tsweletsa dikakanyo (sekao: jenale, go tlotla ka bophara, dikarata tsa dikakanyo);
Ya go akanya dikgonego le ditsela tse dintsi tsa go godisa kitso (dikabelelo);
Ya go tsaya tsia dipharologanyo le go di dirisa ka botlhami (sekao: pharologano mo maitemogelong, setsong, dikgatlhegelong le bothong);
Ya go dirisa puo go ralala kharikhulamo go rarabolola mathata (sekao: go refosanya dipuo);
Ya go bapisa ka moo dipuo tse di farologaneng di tlhagisang mareo mo dikarolo thutong tse di farologaneng, le go bopa dikgolagano tsa go thusa go tlhaloganya le go rarabolola mathata.
A dirisa puo go akanya:
A akanya ka ga se se utlwileng kgotsa buisitsweng, le go botsa dipotso tse di gwetlhang;
A akanya ka ga tswelelo ya bokgoni jwa gagwe jaaka sebui, moreetsi le mokwadi mo bokaelong jo bo tlwaelegileng, le go tlhaola dikarolo tsa go tswelela pele;
Go akanya ka bokgoni jwa gagwe jaaka moabi mo ditirong tsa setlhopha le go lemoga ditšhono tsa go tswelela.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
A na le kakanyo ya botlhami:
Ya go ipopela, go abelela, go ja ditoro le go gatelela, go bopa bokao le rarabolola mathata;
Ya go akanya dikgonego le ditsela tse dintsi tsa go godisa kitso (dikabelelo);
Ya go tsaya tsia dipharologanyo le go di dirisa ka botlhami (sekao: pharologano mo maitemogelong, setsong, dikgatlhegelong le bothong);
Ya go kwala ka tekeletso go utulola dikakanyo, maikutlo le maitemogelo a dikakanyo;
Ya go bapisa ka moo dipuo tse di farologaneng di tlhagisang mareo mo dikarolo thutong tse di farologaneng, le go bopa dikgolagano tsa go thusa go tlhaloganya le go rarabolola mathata.
A dirisa puo go akanya:
A akanya ka ga se se utlwileng kgotsabuisitsweng, le go botsa dipotso tse digwetlhang;
A akanya ka ga tswelelo ya bokgoni jwa gagwe jaaka sebui, moreetsi le mokwadi mo bokaelong jo bo tlwaelegileng, le go tlhaola dikarolo tsa go tswelela pele;
Go akanya ka bokgoni jwa gagwe jaaka moabi mo ditirong tsa setlhopha le go lemoga ditšhono tsa go tswelela.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
A na le kakanyo ya botlhami:
Ya go ipopela, go abelela, go ja ditoro le go gatelela, go bopa bokao le rarabolola mathata;
Ya go akanya dikgonego le ditsela tse dintsi tsa go godisa kitso (dikabelelo);
Ya go tsaya tsia dipharologanyo le go di dirisa ka botlhami (sekao: pharologano mo maitemogelong, setsong, dikgatlhegelong le bothong);
Ya go kwala ka tekeletso go utulola dikakanyo, maikutlo le maitemogelo a dikakanyo;
Ya go bapisa ka moo dipuo tse di farologaneng di tlhagisang mareo mo dikarolo thutong tse di farologaneng, le go bopa dikgolagano tsa go thusa go tlhaloganya le go rarabolola mathata.
A dirisa puo go akanya:
A akanya le go sekaseka boleng le nepagalo ya tshedimosetso mo mo tirong e a e dirileng le ya ba bangwe;
A akanya ka ga dikgono tsa gagwe tsa go buisa, go kwala, go reetsa, mekgwa le maitemogelo, mme a tsaya tsia tse a di kgonang le dikarolo tsa tswelelo;
A akanya le go botsa dipotso le go gwetlha ditebelo (go akaretsa kgwetlho ya ditemalo) ka ga se se bonwang, utlwiwang le se se buisiwang;
A tokafatsa tebelo ya gagwe moo go tlhokegang teng, morago ga go utlwa kgotsa go buisa ditebelelo tsa ba bangwe.
POPEGOPUO LE TIRISORe itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go dirisa medumo, mafoko le thutapuo ya puo go tlhama le go Dira ka mafoko:
ranola meraba
Dirisa ditogamaano tse di farologaneng go peleta mafoko a a sa tlwaelegang;
A itlhamela lenaane la mopeleto le thanodi ya mafoko go ralala kharikhulamo;
A dirisa thanodi le bukafoko ya malatodi le makaelagongwe go oketsa tlotlofoko le go tokafatsa mopeleto;
A dirisa dikhutshwafatso tse di tlwaelegileng le diakoronimi ka tshwanelo;
A tlhaola le go dirisa mafoko a tshika le mafoko le mafoko a lekala le le lengwe go tsweletsa tlotlofoko mo bokaelong;
A tlhaola ditlhogo le megatlana e le mmalwa go tlhagisa bokao;
A sekaseka mokgwa o dipuo di adimang mafoko ka teng go tswa mo tse dingwe, le ka moo mafokomašwa a bopiwang ka teng, le go a dirisa ka tshwanelo.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dira ka mafoko:
Dirisa ditogamaano tse di farologaneng go peleta mafoko a a sa tlwaelegang;
A itlhamela lenaane la mopeleto le thanodi ya mafoko go ralala kharikhulamo le go tlotla ka mafoko a a thata;
A dirisa thanodi le bukafoko ya malatodi le makaelagongwe ka katlego go oketsa tlotlofoko le go dira tlhotlhomisi ya mopeleto;
A dirisa dikhutshwafatso tse di tlwaelegileng le diakoronimi ka tshwanelo;
A tlhaola le go dirisa mafoko a tshika le mafoko a lekala le le lengwe go tsweletsa tlotlofoko mo bokaelong;
A dirisa ditlhogo le megatlana go tlhagisa bokao;
A tlhalosa mokgwa o dipuo di adimang mafoko ka teng go tswa mo go tse dingwe, le ka moo mafokomašwa a bopiwang ka teng.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dira ka mafoko:
Dirisa ditogamaano tse di farologaneng go peleta mafoko a a sa tlwaelegang le go tlotla ka ga ditogamaano tse di dirisitsweng;
A itlhamela lenaane la mopeleto le thanodi ya mafoko go ralala kharikhulamo le go sekaseka mafoko a a thata;
A dirisa thanodi le bukafoko ya malatodi le makaelagongwe ka katlego le nonofo kgabetsakgabetsa go tlhotlhomisa mopeleto, mafokomatswa, le kgolo ya mafoko;
A dirisa dikhutshwafatso tse di tlwaelegileng le diakoronimi ka tshwanelo;
A tlhalosa le go dirisa mafoko a tshika le mafoko a lekala le le lengwe go tsweletsa tlotlofoko mo bokaelong;
A dirisa ditlhogo le megatlana go tlhagisa bokao;
A tlotla ka mokgwa o dipuo di adimang mafoko ka teng go tswa mo go tse dingwe, le ka moo mafoko a fetolang bokao go ya ka nako ka teng le ka moo mafokomašwa a bopiwang ka teng.
POPEGOPUO LE TIRISORe itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go dirisa medumo,mafoko le thutapuo ya puo go tlhama le go Dira ka dipolelo:
ranola meraba
Go tlhaola le go dirisa maina, madiri, mathusamadiri, matlhaodi, maemedi, makopanyi, malatlhelwa, maetsi, matlhophi, j.j.
Go tlhaola le go dirisa mefuta ya dipolelwanakala ka tshwanelo le maleba;
Go dirisa mefuta ya dipolelo, jaaka, ditlhagiso, dipotso, ditaelo le dikgakgamatso;
A tlhaola le go dirisa dipopi tsa polelo jaaka, sediri, letiro, sedirwa le polelwanakutu;
A dirisa matshwaopuiso otlhe ka tshwanelo.
Dira ka meraba:
A refosanya tiriso ya setlhogo le dipolelo tse di tshegetsang (baya polelo ya setlhogo kwa bofelong) go tsweletsa ditemana tse di golaganeng;
Go dirisa mafoko a a golaganyang jaaka "le fa" go tsweletsa tsela e e utlwalang ya dikakanyo mo ditemaneng;
Go golaganya dipolelo mo ditemaneng tse di logaganeng o dirisa, thulaganyo, poeletso ya mafoko le maemedi;
Latelanya ditemana ka tsela e e utlwalang go bopa meraba e meleele.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dira ka dipolelo:
Go tlhaola le go dirisa maina, madiri, mathusamadiri, matlhaodi, maemedi, makopanyi, malatlhelwa, maetsi, matlhophi, j.j.;
Go tlhaola le go dirisa mefuta yadipolelwanakala ka tshwanelo le maleba;
Go sekaseka dipharologano tsa popegopuo, jaaka, ditlhagiso, dipotso, ditaelo le dikgakgamatso;
A tlhaola le go dirisa dipopi tsa polelo jaaka, sediri, letiro, sedirwa le polelwanakutu;
A dirisa matshwaopuiso otlhe ka tshwanelo.
Dira ka meraba:
A refosanya tiriso ya setlhogo le dipolelo tse di tshegetsang (baya polelo ya setlhogo kwa bofelong) go tsweletsa ditemana tse di golaganeng;
Go dirisa mafoko a a golaganyang jaaka "le fa" go tsweletsa tsela e e utlwalang ya dikakanyo mo ditemaneng;
Go golaganya dipolelo mo ditemaneng tse di logaganeng o dirisa, thulaganyo, poeletso ya mafoko le maemedi;
Latelanya ditemana ka tsela e e utlwalang go bopa meraba e meleele.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Dira ka dipolelo:
Go tlhaola le go dirisa maina, madiri, mathusamadiri, matlhaodi, maemedi, makopanyi, malatlhelwa, maetsi, matlhophi j.j.;
Go dirisa mefuta ya dipolelwanakala katshwanelo le maleba;
Go sekaseka dipharologano tsa popegopuo, jaaka, ditlhagiso, dipotso, ditaelo le dikgakgamatso;
A tlhaola le go sekaseka dipopi tsa polelo jaaka, sediri, letiro, sedirwa le polelwanakutu;
A dirisa matshwaopuiso otlhe ka tshwanelo.
Dira ka meraba:
A refosanya tiriso ya setlhogo le dipolelo tse di tshegetsang (baya polelo ya setlhogo kwa bofelong) go tsweletsa ditemana tse di golaganeng;
A dirisa mafoko a a golaganyang jaaka "le fa" go tsweletsa tsela e e utlwalang ya dikakanyo mo ditemaneng;
A golaganya dipolelo mo ditemaneng tse di logaganeng o dirisa makopanyi, makaelagongwe, malatodi le poeletso ya mafoko.
POPEGOPUO LE TIRISORe itse seno fa moithuti a kgona go:
Moithuti o kgona go dirisa medumo, mafoko le thutapuo ya puo go tlhama le go Tsweletsa temogo le tiriso ya setaele:
ranola meraba
A dirisa dipolelo tsa boleele jo bo farologaneng le tsa mefuta;
A farologanya fa gare ga puo ya tlhoafalo le e e seng ya tlhoafalo;
A dirisa dikapuo le mokgwa wa puo ka tshwanelo.
Tsweletsa botlhokwa jwa temogo ya puo:
A tlhaola meraba e puo e sa kayeng se e se buang-a lemoga bokao jo bo tlhaelang;
A tlhaola puo e e tlhotlheletsang;
A tlhaola le go dirisa mafoko a a supang masisi go bong, lotso, tikologo, pholo le merero e mengwe ya loago le setso.
A dirisa puo ka ga puo:
A bua ka polelonolo, polelotswako le polelopate.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Tsweletsa temogo le tiriso ya setaele:
a tlotla le go dirisa dipolelo tsa boleele jo bo farologaneng le tsa mefuta;
A farologanya fa gare ga puo ya tlhoafalo le e e seng ya tlhoafalo, mme a dirisa setaele se se tshwanetseng mo go kwaleng le mo go bueng;
A dirisa dikapuo le mokgwa wa puo ka tshwanelo.
Tsweletsa botlhokwa jwa temogo ya puo:
A tlhaola bokaotemogo le bokaobontsi;
A tlhaola puo e e tlhotlheletsang le go e kwala ntle le go supa maikutlo;
A golaganya tlhaolo le tiriso ya mafoko a a supang masisi go bong, lotso, tikologo, pholo le merero e mengwe ya loago le setso.
A dirisa puo ka ga puo:
Sekao: bukafoko ya makaelagongwe le malatodi, akhoronimi, mathusi, dipolelwana.
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
Tsweletsa temogo le tiriso ya setaele:
A dirisa dipolelo tsa boleele jo bo farologaneng le tsa mefuta;
A farologanya fa gare ga puo ya tlhoafalo le e e seng ya tlhoafalo, mme a dirisa setaele se se tshwanetseng mo go kwaleng le mo go bueng;
A dirisa dikapuo le mokgwa wa puo katshwanelo le botlhami.
Tsweletsa botlhokwa jwa temogo ya puo:
A tlhaola bokaotemogo bokaotota le bokaobontsi;
A tlhaola puo e e tlhotlheletsang ntle le go supa maikutlo;
A golaganya tlhaolo le tiriso ya mafoko a a supang masisi go bong, lotso, tikologo, pholo le merero e mengwe ya loago le setso.
A dirisa puo ka ga puo:
Logaganya, golaganya, latelanya.
KGAOLO 5
TLHATLHOBO YA MOITHUTI
MATSENO
Boalo-thulaganyo jwa tlhatlhobo ya Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba ya Dikereiti tsa R-9 (Dikolo) e theilwe mo ditheong tsa thuto-tota-dipoelo. Thatlhobo e tshwanetse go naya ditshupo tsa phitlhelelo ya moithuti ka mokgwa o o nang le bokgoni; le go netefatsa gore baithuti ba logaganya le go dirisa kitso le dikgono. Tlhatlhobo gape, e tshwanetse go thusa baithuti go dira katlholo ka ga go dira ga bona, go tlhoma diphitlhelelo tsa go tswelela le go tsosolosa go ithutela pele.
Go thusa mo go tlhatlhobeng moithuti, Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba e:
popomatsa Dipoelothuto le Dielo tsa Tlhatlhobo tse di golaganeng le tsona mo Karolongthuto nngwe le nngwe, le mo kereiting nngwe le nngwe mo sekgamung sa Thuto-Kakaretso le Katiso (Dikereiti R-9);
diragatsa dipoelo tsa Botlhokwa le tsa Kgolo mo bokaelong jwa Dipoelothuto le jwa Dielo tsa Tlhatlhobo;
baya Dielo tsa Tlhatlhobo mo pinagareng ya tiragalo ya tlhatlhobo mo kereiting nngwe le nngwe. Dielo tsa Tlhatlhobo di tlhalosa boemo jo baithuti ba tshwanetseng go supa phitlhelelo ya bona ya Dipoelethuto le mekgwa (ka boteng le bophara) ya go supa diphitlhelelo tsa bona.
Seralo se se latelang se supa kgolagano fa gare ga dintlhapopo tsa Kemo e e Tlhabolotsweng e, ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba:
DITHEO TSA TLHATLHOBO TSE DI DIRISITSWENG MO THUTONG-TOTA-DIPOELO
Thanolo
Tlhatlhobo mo Kemong e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba Dikereiti R-9 (Dikolo) ke tiragalo e e tswelelang, le e e rulagantsweng, ya go kgobokanya kitso mabapi le bokgoni jwa baithuti, e lekanngwa le Dielo tsa Tlhatlhobo tsa Dipoelothuto mo Kemong e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba. E tlhoka seelo se se popomaditsweng ka tshwanelo le ditogamaano tse di maleba tsa mefuta, go kgontsha barutabana go naya pegelo e e botlalo go barutwana le go begela batsadi le batho bangwe, ba ba nang le kgatlhego.
Dintlhapopo tsa Botlhokwa
Thuto-tota-dipoelo ke mokgwa wa go ruta le go ithuta o o tlhalosang ka tshwanelo se barutwana ba tshwanetseng go se fitlhelela. Ditheo tse e di dirisang, ke tsa gore morutabana a tlhagise pele ga nako se barutwana ba tshwanetseng go se fitlhelela. Tiro ya morutabana ke go ruta gore a thuse barutwana go kgotsofatsa ditlhokego tsa Dielo tsa Tlhatlhobo mo kharikhulamong; tiro ya baithuti ke go ithuta kgotsa go dira se Dielo tsa Tlhatlhabo di se solofelang. Tlhatlhobo e botlhokwa mo thutong-tota-dipoelo, ka ntlha ya gore go botlhokwa go tlhatlhoba fa mothuti a fitlheletse se se tlhokegang mo kereiting nngwe le nngwe.
Go thusa baithuti go fitlhelela bokgoni jwa bona ka botlalo,tlhatlhobo e tshwanetse go:
nna mo pontsheng le go tsepamisiwa ka tshwanelo logaganngwa le go rutiwa le go ithuta thewa mo dielong tse di akanyeditsweng pele farologanngwa go ya ka mekgwa le bokaelo; le nna ya tota,e ikanyega, e le nnete, e lekalekana le moithuti, mme e le malemela-gotlhe go letla ditšhono tse di atologileng.
Maikaelelo a Tlhatlhobo
Maikaelelo a magolo a go tlhatlhoba baithuti ke go tiisa kgolo le tswelelo ya motho, go elatlhoko kgatelopele ya baithuti le go kgontsha go ithuta ga bona. Tiriso tse dingwe tsa tlhatlhobo di akaretsa:
Tlhatlhobo-theo ya kitso ya pele
Tlhatlhobo-theo ya kitso ya pele, ka gale e diragala mo tshimologong ya kereiti kgotsa kgato go netefatsa gore baithuti ba setse ba itse eng. E thusa barutabana go rulaganya manaanethuto le ditiragalo tsa thuto.
Tlhatlhobo-patlisiso
Tlhatlhobo-patlisiso e dirisiwa go tlhotlhomisa boleng le se se bakang dikgoreletso mo go ithuteng gabaithuti ba ba rileng. E latelwa ke kaelo, tshegetso e e maleba le ditogamaano tsa tsereganyo.
Tlhatlhobo-phitlhelelo-kgono
Tlhatlhobo-phitlhelelo-kgono e elatlhoko le go tshegetsa tiragalo ya go ithuta le go rutwa,mme e dirisiwa go itsise baithuti le barutabana ka ga kgatelopele ya baithuti ka maikaelelo a go tokafatsa go ithuta. Pegelo e e rotloetsang, e newa go kgontsha baithuti go tswelela.
Tlhatlhobo-Kakaretso
Tlhatlhobo-kakaretso e naya setshwano-kakaretso sa kgatelopele ya baithuti mo nakong e e rileng, sekao, kwa bofelong jwa kgwedi-tharo kgotsa ngwaga, kgotsa fa moithuti a fetisetswa kwa sekolong se sengwe.
Tlhatlhobo ya makgaolakgang
Tlhatlhobo ya makgaolakgang ke mokgwa wa go elatlhoko bokgoni jwa thulaganyo ya thuto. Karolo nngwe ya se, ke tlhatlhobo ya bokgoni jwa moithuti go ya ka ditshupo tsa Bosetšhaba. Tlhatlhobo ya makgaolakgang e diragatswa kwa bofelong jwa kgato nngwe le nngwe ya sekgamu sa Thuto-Kakaretso le Katiso. Sampole e e akaretsang dikolo le baithuti e tlhophiwa mo porofenseng kgotsa mo nageng go dira tlhatlhobo ya makgaolakgang.
TLHATLHOBO E E TSWELELANG
Diponagalo tsa Tlhatlhobo e e Tswelelang
Tlhatlhobo e e tsweleleng ke mokgwa o mogolo o ka ona tlhatlhobo e diragatswang ka teng mo Kemong e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba. E akaretsa ditheo tsotlhe tsa thuto-tota-dipoelo le go netefatsa gore tlhatlhobo e:
diragala mo sebakeng se se rileng le gore e a tswelela: Go ithuta go tlhatlhobiwa nako le nako mme direkoto tsa kgatelopele ya baithuti di nna di le teng mo ngwageng otlhe.
tshegetsa kgolo le tswelelo ya baithuiti: Bithuti e nna batsaya-karolo ba ba matlhatlhaga mo go ithuteng le mo tlhatlhobong, ba tlhaloganya dielo tse di dirisiwang mo ditiragalong tsa tlhatlhobo, ba na seabe mo go itlhatlhobeng, ba ipeela diphitlhelelo tse di rileng, ba sekaseka go ithuta ga bona, mme ka jalo ba godise go-ikaya-bobona ga bona.
neelana ka pegelo go tswa mo go ithuteng le go rutweng: Pegelo ke ntlhapopo e e botlhokwatlhokwa mo tlhatlhobong-phitlhelelo-kgono. Mekgwa ya pegelo e akaretsa go botsa dipotso go go maleba, go tsepamisa mo ditshwaelong tsa morutabana tsa molomo le tsa kwalo ka ga se se neng se ikaeletswe go fitlhelelwa ka tiragalo ya tlhatlhobo, le thotloetso go moithuti.
go letla tlhatlhobo e e logagantsweng: Se, se ka akaretsa go tlhatlhoba Dipoelothuto tse di golaganeng mo tiragalong e le nngwe ya tlhatlhobo, le go kopanya mefuta e le mmalwa ya mekgwa ya go tlhatlhoba Dielo tsa Tlhatlhobo. Bokgoni mo Dipoelothutong tse di rileng bo ka supiwa ka mekgwa e e farologaneng, ka jalo mefuta ya mekgwa ya tlhatlhobo le ditšhono di tshwanetse go neelwa, tse baithuti ba ka supang bokgoni jwa bona ka tsona.
dirisa ditogamaano tse di neelang ka ditlhokwa tse di farologaneng tsa baithuti (tsa mmele, tsa maikutlo-sesaekholoji le setso): Tlhatlhobo e e tswelelang e letla barutabana go nna masisi go barutwana ba ba nang le ditlhokwa tse di kgethegileng tsa thuto, le go fenya dikgoreletsi mo go ithuteng ka melebo e e malemela-gotlhe. Mo setlhopheng sengwe le sengwe sa baithuti, go na le lebelo le mekgwa e e farologaneng ya go ithuta. Baithuti botlhe ga ba tlhoke go tlhatlhojwa ka nako e le nngwe fela le ka mokgwa o le mongwe fela.
letla tlhatlhobo ya kakaretso: Tlhatlalagano ya ditlamorago tsa ditiragalo tsa tlhatlhobo e e tswelelang ga, e neelana ka setshwano-kakaretso sa kgatelopele ya moithuti mo nakong e e beilweng. Tlhatlhobo-kakaretso e tshwanetse go rulaganngwa ka kelotlhoko mo tshimologong ya ngwaga,go akaretsa mefuta ya ditogamaano tsa tlhatlhobo-sekao: dithutiso, ditiro, diporojeke, ditlhatlhobo tsa sekolo le tsa phaposi-tse di tla neelang baithuti selekano sa ditšhono go supa se ba se ithutileng.
Ditogamaano tsa Tlhatlhobo
Tlhopho ya gore ke ditogamaano dife tse di tshwanetseng go dirisiwa ke ya itlhophelo ya motho, e e leng ya morutabana yoo, kereiti eo, le sekolo seo fela,mme e laolwa ke katlholo ya morutabana ya sephorofešene. Go nna teng ga boalo le didiriswa go laola tshwetso e, mme le gale fa didiriswa di tshwana, barutabana ba farologana ka ditsela tse ba dirang ditlhopho ka yona.
Mekgwa, e e tlhaoletsweng ditiragalo tsa tlhatlhobo e tshwanetse go nna maleba le Dielo tsa Tlhatlhobo tse di tlileng go tlhatlhojwa, mme maikaelelo a tlhatlhobo a tshwanetsweng go tlhalogannngwa ka tshwanelo ke baithuti botlhe le barutabana ba ba amegang. Bokgoni bo ka supiwa ka mekgwa e le mmalwa. Ka jalo mefuta ya mekgwa ya go ruta, e a tlhokega, go naya baithuti tšhono ya go supa bokgoni jwa bona ka tshwanelo.
Ditiro tse di tshwanang tsa Tlhatlhobo
Ditiro tse di tshwanang tsa tlhatlhobo di ka tlhamiwa mo boemong jwa bosetšhaba, porofentshe, sedika kgotsa mo setlhotshwaneng, mme di tlhatlhobiwa kwa boemong jwa sekolo, mme di lekanyediwa go sele.
Maikaelelo a Ditiro tse di Tshwanang tsa Tlhatlhobo ke go:
netefatsa go lekalekana mo dikatlholong tsa morutabana;
go rotloetsa seemo se se tshwanang sa go tlhama;
go tiisa nonofo ya tlhatlhobo-tswelelo e e dirwang kwa dikolong;
go oketsa nepagalo ya tiragalo ya tlhatlhobo le didiriswa tsa tlhatlhobo;
go netefatsa gore ditiro tsa tlhatlhobo kwa dikolong di tlhatlhoba bokgoni le phitlhelelo ka tshwanelo;
go netefatsa ditšhono tse di atologileng tsa baithuti.
TSAMAISO YA TLHATLHOBO
Batho ba ba amegang mo Tlhatlhobong
Sekolo mmogo le barutabana ke tsona tse di rweleng maikarabelo otlhe mo tlhatlhobong ya baithuti. Barutabana ba solofelwa go tlhama tiragalo ya tlhatlhobo e e nang le moko, e ikanyega e bile e babatsega. Dipholesi tsa porofentshe di tshwanetse go netefatsa go nna le seabe ga baithuti, ditlhopha tsa sekolo tsa tlhatlhobo, ditlhopha tsa didika tsa tshegetso, ditirelo tsa tshegetso le batsadi, jaaka dingwe tse di maleba.
Lenaane la Sekolo la Tlhatlhobo
Sekolo sengwe le sengwe se tshwanetseng go tlhama lenaane la tlhatlhobo le le theilweng mo dikelong tsa porofentshe le tsa bosetšhaba. Sekolo se tlhoka go nna le Togamaano ya Tlhatlhobo ya Sekolo le Setlhopha go se kgontsha go diragatswa ga lenaane le. Setlhopha se tshwanetse go nna le baemedi go tswa mo Kgatong nngwe le nngwe le mo Karolothutong nngwe le nngwe.
Go netefatsa molebo wa seporofešene mo tlhatlhobong, lenaane la tlhatlhobo la sekolo e tshwanetse go tlhagisa:
mokgwa o tlhatlhobo-tswelelo e rulaganngwang le go diragatswang ka teng;
mokgwa o dibuka tsa direkoto di tshwanetseng go tsholwa ka teng, le ka moo di ka fitlhelelwang le go bolokesega ga tsona;
dikhoutu tsa tlhatlhobo tse di theilweng ke porofentshe;
tlhotlhomiso e e dirwang ke sekolo ka ga tlhatlhobo;
mokgwa o tekanyetso e diragalang ka teng mo sekolong;
makgati le mekgwa ya go bega;
kelotlhoko ya ditiro tsotlhe ya tlhatlhobo;
katiso ya badiri mo dikarolong tsa tlhatlhobo.
Dikarolo tse katiso ya mo sekolong e tlhokang go dirwa mo go tsona, di akaretsa:
mokgwa wa go dirisa dielo tsa tlhatlhobo;
go fitlhelela tumelelano mo barutabaneng ba ba mo keriting e e tshwanang ka ga se se kaiwang se le botlhokwa go kgotsofatsa Dipoelothuto;
mokgwa wa go kwala ditshwaelo tsa dipholo tsa tlhatlhobo le dipegelo;
go fitlhelela go tshwana mo go tlhaloganyeng lenaane la tlhatlhobo la sekolo.
GO TSHOLA DIREKOTO
Dibuka tsa Direkoto
Go tsholwa go go siameng ga direkoto go botlhokwa mo tlhatlhobong yotlhe,segolo thata mo tlhatlhobong-tswelelo. Buka kgotsa faele ya rekoto e tshwanetse go tsholwa e le mo nakong ke morutabana mongwe le mongwe. E tshwanetse go nna le:
leina la moithuti;
matlha a tlhatlhobo;
leina le tlhaloso ya tiragalo ya tlhatlhobo;
dipholo tsa ditiragalo tsa tlhatlhobo go ya ka Dikarolothuto kgotsa Manaanethuto;
ditshwaelo tsa maikaelelo a go thusa.
Direkoto tsotlhe di tshwanetse go fitlhelelwa, tsa nna bonolo go ranolwa, tsa tsholwa ka polokesego, tsa nna sephiri le thuso mo tiragalong ya go ruta le go bega.
Lenaane la sekolo ya tlhatlhobo le laola dintlha tsa mokgwa o ka ona direkoto di tshwanetseng go tladiwa ka teng. Dikhoutu tsa tlhatlhobo di dirisiwa go tlhagisa mokgwa o moithuti a kgonang ka teng mo Dipoelothutong. Dikhoutu di tshwanetse go sedifala le go tlhaloganngwa ke baithuti le batsadi.
Dikhoutu tse di tshwanetseng go dirisiwa mo Tlhatlhobong
Go na le mekgwa e mentsi e pegelo ya tlhatlhobo e ka neelwang baithuti ka teng le go rekotiwa ke barutabana. Go tlhopha mokgwa o o gaisang go dira jalo, go tla laolwa ke mabaka a le mmalwa jaaka:
palo ya baithuti mo phaposing le nako e e leng teng go dirisiwa ke morutabana;
bomatswakabele le boleele jwa tiragalo ya tlhatlhobo;
diteng tsa thuto kgotsa dikgono tse di tlhatlhobiwang (mmetse kgotsa mokwalo);
bonako jo pegelo e diriwang ka jona;
bonosi/bongwefela jwa mokgwa wa pegelo;
gore a bokgoni jwa moithuti bo tshwanetse go bapisiwa le jwa balekane,kgotsa le bokgoni jo bo fetileng; le /kgotsa le ditlhokego tsa Dielo tsa Tlhatlhobo le Dipoelothuto.
Dikhoutu dingwe tsa tlhatlhobo di botoka mo go maikaelelong mangwe, go na le tse dingwe. Sekao: ditshwaelo di ka nna le dintlha tse di phutholotsweng, kgotsa tsa nna bonosi, le go neelana ka ditshikhinyo tsa go tokafatsa. Ditshwaelo di botlhokwa mo neeleng pegelo ka ga bokgoni jwa moithuti tebang le Dielo tsa Tlhatlhobo. Le fa go le jalo ditshwaelo di tsaya nako e telele go kwalwa, mme ga di bonolo go di rekota. Dikhouto jaaka "Sentle thatathata", "Sentle thata", "Sentle", "O a kgona" le "Bokgoni jo bo tlhaelang", di bonako go kwalwa, mme di letlelela tswelelopele ya tlhatlhobo tebang le tiro e e fetileng le Dielo tsa Tlhatlhobo. Le gale ga di neelane ka dintlha tse di phuthologileng tse di kgonegang mo ditshwaelong. Maduo mo letlhakoreng le lengwe, a rekotiwa ka bonako, le go tlhakanngwa mmogo, go atisiwa le go arolwa. A mosola mo go tlhatlhobeng bokgoni jwa moithuti fa bo bapisiwa le ba ba bangwe mo phaposing, le jwa dikereiti tse dingwe kgotsa dikolo tse dingwe.
Le gale a naya tshedimosetso e nnye mo bokgoning jwa moithuti tebang le Dielo tsa Tlhatlhobo.
Dikao tse dingwe tsa dikhoutu tsa tlhatlhobo ke:
ga a ise a kgone; o gaufi le go kgona; o kgonne.
dikapolelo tse di tlhametsweng tiragalo ya tlhatlhobo kgotsa pegelo.
Go sa kgathalelwe khoutu e e dirisitsweng, pegelo e na le mosola fa e kopantswe le ditshwaelo. Go na le kgonagalo ya tokafalo ya phitlhelelo, fa baithuti ba newa pegelo e e kwadilweng, go na le maduo fela. Le fa maduo le diphesente di le botlhokwa mo mabakeng a go rekota, jaaka fela go le bonolo go kwala maduo mo bukeng ya go rekota, ga se gantsi a le botlhokwa mo go begeng le mo go rekoteng. Mathata mangwe a a golaganeng le maduo ke a gore a ka tlhakanngwa le go arolwa, le go dirisiwa ka mokgwa o o ka tsietsang, le gona mo mabakeng a mantsi a fitlha bontsi jwa phitlhelelo le tswelelopele ya moithuti. Fa baithuti ba dirile ditiragalo tsa tlhatlhobo tse di fetang bongwe, go na le thaelesego ya go dirisa maduo a, jaaka dipalo,go a tlhakanya le go batla palogare. Fa se se dirwa, maduo a latlhegelwa ke mosola wa go naya tshedimosetso ya pegelo. Maduo a palogare le a a arotsweng a fitlha ntlha ya gore a mothuti a ka bo a fitlheletse thuto e e ikaeletsweng sentle mo mofameng mongwe, mme e seng mo go o mongwe. Maduo a naya selebo sa kakaretso sa phitlhelelo, mme a fitlha mabaka a tlhatlhobo ya phitlhelelo (kgotsa go sa fitlheleleng) ya moithuti, mme a kganela tsepamiso mo go ithuteng sengwe go tswa mo tlhatlhobong. E bile ga a tlhalose tswelelopele ya mothuti sentle mo kharikhulamong. Mo mabakeng a mantsi, go tshwara maduo a a tshwanang (fa e le a a kgotsofatsang) go kaega jaaka sesupo sa tswelelopele e ntle. Maduo a a kana ka 70, mo Dielong tsa Tlhatlhobo tsa Kereiti ya 5, le maduo a a kana ka 70 mo Dielong tsa Tlhatlhobo tsa Kereiting ya 6, a fitlha gotlhelele, tswelelopele e moithuti a ka bong a e dirile mo ngwageng, e e tlhagisiwang sentle mo tlhagisong, khoutung kgotsa mo tshwaelong.
Mo go rekoteng kgotsa mo pegelong e e ka ga phitlhelelo ya moithuti mo Dipoelothutong tse di maleba lekereiti, dikhoutu tse di latelang di tla dirisiwa.
= Bokgoni jwa moithuti bo fetile, ditlhokego tsa Poelothuto ya kereiti e.3 = Bokgoni jwa moithuti bo kgotsofaditse tsa Poelothuto ya kereiti e.2 = Bokgoni jwa moithuti bo kgotsofaditse ka bontlhanngwe ditlhokego tsa Poelothuto ya kereiti e.1 = Bokgoni jwa moithuti ga bo a kgotsofatsa ditlhokego tsa Poelothuto ya kereiti e.
Kwa bokhutlong jwa ngwaga nngwe le nngwe, šedule ya tswelelopele e tshwanetse go tladiwa, le go saenwa ke mogokgo le modiredi wa lefapha. šedule ya tswelelopele ke rekoto e e nang le tshedimosetso e e sobokantsweng ya tswelelopele ya baithuti botlhe mo kereiting mo sekolong.
edule ya tswelelopele e tshwanetse go akaretsa tshedimosetso e e latelang:
Leina la sekolo le setempe sa sekolo;
Lenaane la baithuti mo kereiting nngwe le nngwe;
Dikhoutu tsa tswelelopele mo Karolothutong nngwe le nngwe. (Thulaganyo ya go Khouta ya Bosetšhaba);
Dikhoutu tsa tswelelopele mo kereiting nngwe le nngwe (tswelela pele kwa Kereiting e e latelang kgotsa o nne gone mo kereiting eo);
Ditshwaelo ka dikarolo tsa bokgoni le tse di batlang tshegetso mo Karolothutong nngwe le nngwe;
Letlha la tshaeno la mogokgo, morutabana kgotsa morutisi, le modiredi wa lefapha.
Diporofaele tsa Moithuti
Porofaele ya moithuti ke rekoto e e tswelelang ya tshedimosetso e e neelang dintlha tsa kakaretso ka ga tswelelopele ya moithuti, e akaretsa kgolo e e feletseng ya dielo tsa botshelo, maitsholo le tlhabololo ya tsa loago. E thusa morutabana mo kereiting kgotsa sekolong se se latelang gore a tlhaloganye moithuti botoka, ka jalo, a tsibogela moithuti ka tshwanelo.
Tshedimosetso e e latelang e tshwanetse go akarediwa mo porofaeleng ya moithuti:
Tshedimosetso ya sebele;
Maemo a mmele le hisetori ya pholo;
Dikolo tse di tsenweng le rekoto ya go tsena sekolo;
Go tsaya karolo le dikatlego mo ditiragalong tsa kharikhulamo ya metshameko-boitapoloso;
Maitsholo a maikutlo le a setho;
Tlamego ya motsadi;
Dikarolo tse di tlhokang tshegetso ya tlaletso;
Pegelo-kakaretso, ya bofelo jwa ngwaga; le
Tshobokanyo ya direkoto tsa tswelelo ya dingwaga tsa go tsena sekolo.
Ela tlhoko:
Porofaele ya moithuti e emela direkoto tsotlhe tsa pele tsa tswelelo tse di neng di dirisiwa ke dikolo, jaaka dikarata tsa direkoto, dikarata tsa mofatlhosi (tutor) le dikarata tsa ditiro tsa baithuti tse di beiwang kwa sekolong. (Edlab cards). Maikaelelomagolo a porofaele ya moithuti ke go thusa moithuti go fitlhelela mefuta ya tshedimosetso e e akaretsang.
Tshedimosetso ya sebele e e leng mo porofaeleng, ga e a tshwanela go dirisiwa ka mokgwa o e seng ona go kgetholola moithuti.
Diporofaele tsa baithuti ga di a tshwanelwa go tlhakatlhakanngwa le dipotefolio. Potefolio ke mokgwa wa go tlhatlhoba o o nayang moithuti le morutabana mmogo, tšhono ya go lebelela tiro nngwe e e dirilweng go tlhamela ditiragalo di le mmalwa tsa tlhatlhobo. Tiro e bewa mo sephuthelong mo faeleng kgotsa mo bokosong. Porofaele ya moithuti, mo letlhakoreng le lengwe ke rekoto e e nang le tshedimosetso ka ga moithuti.
Tshedimosetso e e tshwanetseng go Akarediwa mo Direpotong
Barutabana ba tshwanetse go ikarabela go baithuti, batsadi, thulaganyo ya thuto le mo baaging ka bophara, mo go tlhatlhobeng baithuti. Se se diragala ka go naya pegelo. Mo godimo ga dipegelo tse di kwadilweng, ditiro tsa motlotlo le tsa diatla le dipontshotshupetso di ka dirisiwa.
Pegelo nngwe le nngwe e e ka ga tswelelopele-kakaretso ya moithuti, e tshwanetse go akaretsa tshedimosetso ka ga:
Thuto e e fitlheletsweng;
Bokgoni jwa moithuti;
Tshegetso/kemonokeng e e tlhokegang;
pegelo e e bopang,e e tshwanetseng go nna le ditshwaelo ka ga bokgoni jwa moithuti fa bo bapisiwa le jwa balekane ba gagwe, le bokgoni jwa nako e e fetileng tebang le ditlhokego tsa Dikarolothuto.
Batsadi ba tshwanetse go begelwa nako le nako go rotloetsa go nna le seabe ga bona. Barutabana ba tshwanetse go bega kwa bokhutlong jwa paka nngwe le nngwe ya sekolo ba dirisa dikarata tsa semmuso tsa dipegelo.
Ga se gantsi go kgonegang go neelana ka tshedimosetso ya phitlhelelo mo Karolothutong nngwe le nngwe. Le gale dipegelo di tshwanetse go naya tshedimosetso ka ga phitlhelelo mo Dikarolothuto dingwe le dingwekgotsa mo Manaanethutong mangwe le mangwe. Mo lebakeng la kgato ya motheo
Dikarata tsa Pegelo
Bonnye jwa ditlhokego tsa karata ya pegelo/raporoto ke tse di latelang:
Tshedimosetso ya botlhokwa,
Leina la sekolo;
Leina la moithuti;
Kereiti ya moithuti;
Letlha la matsalo a moithuti;
Ngwaga le paka ya sekolo;
Letlha le tshaeno ya motsadi kgotsa motlamedi;
Letlha le tshaeno ya morutabana;
Letlha le tshaeno ya mogokgo;
Matlha a go tswalwa le go bulwa ga sekolo;
Setempe sa sekolo;
Porofaele ya moithuti ya go tsena sekolo;
Tlhaloso ya dikhoutu tsa thulaganyo ya Bosetšhaba ya dikhoutu.
Dikgono le ditlhokego,
Neela tlhaloso ya dikgono, ditlhokego tsa kgolo, kgotsa dikarolo tsa tshegetso tse di tlhokwang ke moithuti mo Karolothutong kgotsa Leanaanethutong lengwe le lengwe.
Dirisa thulaganyo ya dikhoutu tsa Bosetšhaba go tlhatlhoba bokgoni fa bo bapisiwa le Dielo tsa Tlhatlhobo le Dipoelothuto tse di dirilweng go fitlhelela jaanong-ga go botlhokwa go naya khoutu mo Poelothutong nngwe le nngwe. Mo pegelong ya bofelo jwa ngwaga, bokgoni jwa kakaretso jwa moithuti mo Dikarolothutong bo tshwanetse go supiwa.
Ditshwaelo mo Karolothutong kgotsa Lenaanethutong lengwe le lengwe,
Neela ditshwaelo mo Karolothutong kgotsa Lenaanethutong lengwe le lengwe, a kgatelelo e e kgethegileng mo baithuting ba ba fetileng ditlhokego kgotsa ba ba tlhokang go engwa nokeng gape. Ditshwaelo tse di ka ga dikgono tse di kgethegileng le dikarolo tse di tlhokang tshegetso di tshwanetse go golaganngwa le Dielo tsa Tlhatlhobo. Ditshwaelo tse, di tla letla batsadi, baithuti le barutisi go nna le kitso ya gore ke tshegetso efe e e tlhokwang ke moithuti.
LENAANE LA MAREO
LENAANE LA MAREO A KHARIKHULAMO LE TLHATLHOBO
Se, ke lenaane le le rulagatsweng ka dialefabete la mareo a a botlhokwa a a dirisitsweng mo go tlhameng Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba Ya Dikereiti R-9 (Dikolo) le ditheo tsa tlhatlhobo tsa baithuti ba yona:
Tlhatlhobo - Tiragalo e e rulagantsweng e e tswelelang ya go kokoanyo tshedimosetso ka ga bokgoni jwa moithuti, jo bo lekanyeditsweng go ya ka Dielo tsa Tlhatlhobo
Dielo tsa Tlhatlhobo - Kitso, dikgono le dielo tse baithuti ba tshwanetseng go di supa gore ba fitlheletse Dipoelothuto mo kereiting nngwe le nngwe
Tlhatlhobo ya kitso ya pele - Tlhatlhobo ya pele e e dirisiwang go netefatsa se moithuti a setseng a se itse
Tlhatlhobo e e tswelelang - Sekao sa tlhatlhobo e e rotloetsang tomagano ya tlhatlhobo mo go ruteng le tswelelong ya baithuti go ya ka pegelo e e tswelelang
Dipoelo tsa botlhokwa - Dipoelo tse, mmogo le Dipoelo ts dikgolo, di bopa dipoelokgolo tsa Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba ya Dikereiti tsa R-9 (Dikolo), tse di tlhotlhelediwang ke Molaotheo - di akaretsa dikgono tsa pinagare tsa dikgono tsa botshelo tsa baithuti, jaaka tlhaeletsano, kakanyo e e tseneletseng, tiro le tsamaiso ya tshedimosetso, tiro ya ditlhopha le ya baagi, le dikgono tsa go lekanyetsa
Kharikhulamo 2005 - Se ke sekao sa ntlha sa Kemo ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba morago ga Apareteiti. Lokwalo loo, la pholesi ya thuto la 1997, le neela boalothulaganyo go Tswelelo ya Thuto ya Pele ya Bana, Thuto-Kakaretso le Katiso, Thutelo-Pele le Katiso, le Thuto ya Motheo ya Bagolo. Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba e na le maikaelelo a go tiisa Kharikhulamo ya 2005
Dipoelo tsa Kgolo - Tsona, mmogo le Dipoelo tsa Botlhokwa, di bopa pinagare ya dipoelo tsa Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba, e e tlhotlhelediwang ke Molaotheo - di akaretsa go kgontsha baithuti go ithuta sentle, go nna baagi ba ba maikarabelo, ba ba masisi le ba ba ntshang dikumo
Maemo a bofelo - Fa baithuti ba konosetsa kereiti ya 9 ba bo ba newa Setefikeiti sa Thuto-Kakaretso le Katiso
Tlhatlhobo-Phitlhelelokgono - mofuta wa tlhatlhobo e e tlhatlhobang tswelelopele ya moithuti go neelana ka pegelo e e tla tiisang go ithuta
Kgato ya Motheo - Kgato ya ntlha ya sekgamu sa Thuto-Kakaretso le Katiso: Dikereiti R, 1, 2 le 3
Sekgamu sa Thuto-Kakaretso le Katiso - Ke sebaka sa dingwaga di le 10 tsa thuto ya sekolo e e patelediwang, se bopiwa ke dikgato tsa Motheo, Bogare le e Kgolo Setefikeiti sa Thuto-Kakaretso le Katiso - Setefikeiti se se amogelwang morago ga go wetsa sekgamu sa Thuto-Kakaretso le Katiso
Tomagano - Pinagare ya ditheo tsa Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikulamo ya Bosetšhaba ya Dikereiti tsa R-9 (Dikolo), e e batlang gore baithuti ba dirise kitso le dikgono tsa bona go tswa go Dikarolothuto tse dingwe, kgotsa go tswa go dikarolo tse dingwe tsa Karolothuto e le nngwe gore ba kgone go tsweletsa ditiro tsa bona
Kgato ya Magareng - Ke kgato ya bobedi ya sekgamu sa Thuto-Kakaretso le Katiso -Dikereiti 4, 5 le 6
Puo ya go ithuta le go ruta - Puo e e dirisiwang thata mo tikologong ya go ithuta le go ruta; baithuti ba bangwe ba itemogela go ithuta le go rutwa ka puo ya tlaleletso (e seng ya kwa gae)
Dikarolothuto - Mefama e le 8 ya kitso mo Kemong e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba: Dipuo, Mmetse, Disaentshe tsa Tlhago, Thekenoloji, Disaentshe tsa Loago, Botaki le Setso, Tebanyo le Botshelo; le Disaentshe tsa Ikonomi le Tsamaiso
Ditlhagiso tsa Karolothuto - tlhagiso ya Karolothuto nngwe le nngwe, e e tlhalosang Dipoelothuto mmogo le Dielo tsa Tlhatlhobo
Porofaele ya moithuti - rekoto-kakaretso ya moithuti, go akarediwa tshedimosetso ka ga gagwe, kgolo ya seloago, ditlhokego tsa go mo tshegetsa, dikao tsa bontlhabongwe jwa tiro ya gagwe, le pegelo ya ngwaga yotlhe
Manaanethuto - Manaane a ditiro tsa go ithuta, go akarediwa diteng le mokgwa wa go ruta, tse di kaelwang ke Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba ya Dikereiti tsa R-9 (Dikolo) mme a tlhangwa ke diporofentshe, dikolo le barutabana
Thulaganyo ya Dikhoutu tsa Bosetšhaba - thulaganyo e e tlwaelegileng ya Bosetšhaba, ya dikhoutu tsa bokgoni tsa go bega ka ga tswelelopele ya moithuti
Dipoelo - Dipholo kwa bofelong jwa tiragalo ya go ithuta mo thutong-tota-dipoelo;dipoelo tse, di thusa go betla tiragalo ya go ithuta
Thuto-tota-dipoelo - Tsamaiso ya thuto e e totileng katlego, e ikaegile ka go dira, mme e theilwe mo moithut-ing. Mo go lateleng molebo o, Kharikhulamo 2005 le Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba Ya Dikereiti R-9 (Dikolo) di ikaelela go rotloetsa thuto ya leruri
Potefolio - Faele ya mongwe le mongwe kgotsa sephuthelo sa tiro ya moithuti mongwe le mongwe
Kgatelopelo - setheo-popo sa botlhokwa sa Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba ya Dikereiti R-9 (Dikolo) e e kgontshang moithuti go tsweletsa ka iketlo, kitso, dikgono le tlhaloganyo, tse di matswakabele, dikgono le go tlhaloganya mo kereiting nngwe le nngwe Šedule ya Kgatelopele - Sediriswa sa bofelo jwa ngwaga sa go rekota tswelelopele ya baithuti botlhe mo kereiting, go akarediwa dikhoutu tsa tswelelopele mo Karolothutong le kereiting nngwe le nngwe, le ditshwaelo malebana le tshegetso e e tlhokegang
Tlhatlhobo-kakaretso - E farologana le tlhatlhobo-phitlhelelo-kgono, ka gobo yona e le ka ga dipegelo tsa kgafetsakgafetsa tsa tswelelopele ya moithuti, gale kwa bofelong jwa paka ya sekolo kgotsa kwa bofelong jwa ngwaga
LENAANE LA MAREO A KAROLOTHUTO
Puo ya tlaleletso - ke puo e o e ithutang mo godimo ga puo ya gago ya gae
Tlaleletso-puontsi - ke fa motho a ithuta dipuo mo godimo ga puo ya gagwe ya gae. Se, ga se emele puo ya gae, mme dipuo tse di ithutiwa mmogo le yona.
Dielo tsa Tlhatlhobo - kitso ya puo,dikgono le dielo tse baithuti ba di tshwanetseng go di supa, fa ba di itse kgotsa ba ka di dira kwa bokhutlong jwa kereiti e e rileng.
Moraba wa nnete - meraba e e dirisiwang mo botshelong jwa nnete (sekao: dimakasine, dikuranta, dipapatso tsa radio le thelebišene, makwalo)
molebo wa tekatekano go puiso-kwalo - molebo o o emang nokeng puiso-kwalo ya moithuti e e setogang,mme o rotloetsa baithuti go itumelela dibuka le go tsepamisa mo bokaong, mme e ba neela gape dithekeniki le ditogamaano go ranola khoutu ya mafoko a a mo kwalong phetola-teme - go fetogela kwa puong e nngwe ka maikaelelo (sekao: go akaretsa ba bangwe)
Bokaelo - moraba o tlhamiwa le go amogelwa mo bokaelong. Bokaelo bo akaretsa maemo a a anameng le a a gaufi puo ya gae - puo e bana ba e ithutang, ka go nna mo go yona mo magaeng a bona le mo baaging. Dipuo tse di fetang bongwe di ka ithutiwa ka tsela e, ka jalo baithuti ba ka nna le dipuo tsa gae tse di fetang bongwe kgono puiso-kwalo - ke bokgoni jwa go buisa le go dirisa tshedimosetso e e kwadilweng, le go kwalela mabaka a a farologaneng. Ke karolo ya bokgoni jwa kakaretso go nna le bokao jwa botshelo bobegakgang-bontsi - mekgwa e e logaganeng ya go bega,e e akaretsang meraba, dibogelwa, medumo, vidio, j.j.
okola - go gasa bofofu mo morabeng ka maikaelelo a go bona tshedimosetso e rileng. (go okola kaedi ya megala-tlhaeletsano, go batla leina le nomore) tshela bofofu - go buisa moraba ka bonako go nna le kemokakaretso (go tshela ditlhogo tsa kuranta bofofu ka maikaelelo a go bona dintlhakgolo)
mmuo - puo e e seng ya semmuso, e gantsi e dirisiwang ke setlhopha se se rileng (sekao: mmuo wa bašwa)
