Yellow (Maize)										Setswana
Go reng dijalo di hibila mo ditlheng tse di kgobotlegang?
Instructions:
Folio strap: Tlaleletsoboleng
Byline: Leon van Rensburg, Moporofesara wa Fisika ya Mmu, Lefapha la Disaense tsa Mmu, Dijalo le Tlelaemete, Yunibesithi ya Foreisetata 
Photo: Bohibidu
Caption: Maemo a petometsi a ama tirego ya pholo ya dimela tse dintsi.
Mohisetori wa Moesemane, H.G Williams o kile a re hisetori ya batho ke mokato magareng ga thuto le masetlapelo. Mo bantshakunong ba dijalo mo dikgaolong tsa pula ya selemo mo Aforikaborwa, bogolosegolo ba ba nnang mo dikarolong tsa dikakgwatata mokato o ke nnete ya letsatsi le letsatsi.
Mekgwatiriso ya ntshokuno ya dijalo mo dikgaolong tsa sekakgwatata e nyalantswe go thibela matshosetsi a a agang a le teng, e leng komelelo. Re dira se ka go tsietsa kgotlhagano ya dimela, go dirisa ka botlalo ditsenngwateng tsa monontsha go ya thobo ya pakatelele, ditiro tsa temommu go boloka metsi bogolosegolo go oketsa monyelo, go dirisa matlhajalo ka botlalo le go tlhopha mefutapeo e e nyalantsheditsweng komelelo, jj. Mefutapeo e e wela mo setlhopheng sa kakaretso sa dimela tse di bidiwang dimesofaete (mesophytes) tse di golang botoka mo mebung e e bongola fela e e marose go tsenya mowa. Medi ya tsone e nyalantswe sentle thata go tlhotlhomisa mothamo wa mmu go batla metsi le dikotla, sekao, medi ya mmidi e tlaa tsenelela mmu ka kelo ya 24 mm ka letsatsi, go fitlhelela makesimamo ya boleng kwa 2 - 2,4 m, go ya fela ka dikarolopopego tsa mmu.
Kgolomedi e ka kgoreletswa kgotsa emisiwa setlhogo thata ke pula e e feteletseng jaaka go ntse mo setlheng sa gajaana, koo dijalo di jetsweng ka Sedimonthole le Ferikgong. Pula e ntsi thata mo mebung e e minyegang metsi bokoa e tlaa tlhola go betagana ga metsi mo mebung go fitlha seelo se a tlaa ntshang le go emela mowa mo go yona. Tirego ya sebopego sa botlhokwa ya ntlha e e tlaa amegang bosula thata ke khemo ya medi, dimela di tlhoka go nna le dilekanyo tse di rileng tsa mowa (okosijene) go tlamela medi ya tsona. Babatlisisi ba bontshitse ka ditekelelo (experiments) gore mo maemong a peto e e feleletseng, kgolomedi e ka khutla mo metsotsong e sekae. Fela le gale, dimela di farologana go ya ka kemelano le maemo a petometsi. Sekao, dihaeterofaete (reisi) di inyalantse sentle go fenya maemo a peto mo mmung. Fela gape dimela tse di tlaa swa mo maemong a mebu e e marose go tsenya mowa. Medi ya dimela tse di bosisi mo maemong a peto, jaaka monawa (dinawa tsa soya etc) di swa morago ga malatsi a le mmalwa a morwalela. Ditshupo tsa ntlha tsa tshenyo ka petometsi di ka bonala morago ga diura tse 24, bogolosegolo mo malatsing a a bothitho letsatsi le tlhabile. 
Fa khemomedi e thibetswe, ditiro tse dingwe tsa botlhokwa jaaka kgolo, monyelo ya metsi le dikotla le tsona di a tshwenyega. Le mororo metsi e le maphatšhaphatšha dimela ga di kgone go monyela metsi le dikotla. Go ikaegile go ya ka kgato ya kgolo, ditshupo tsa dimela dingwe di a bonala. Sekao, fa khemomedi e fokotsega ka nako ya mmidi o sa ntse o gola, go monyelwa ga metsi go tlaa fokotsega thata, go go tlaa amang monyelo ya dikotla. Tshupo e e bonalang bonolo thata ke go setlhefala (hibila) ga matlhare ka ntlha ya kwelotlase ya diteng tsa tlelorofile. Se ke bogolo ka ntlha ya tlhaelo ya naeterojene go tswa matlhareng a magologolo go ya matlhareng a mannye go tlamela kgolo. Petometsi e e tswelelang kwa bofelong e tlaa isa kwa go fokotseng kgolo ya letlhogela le tatlhegelo ya thobo. 
