Year (Maize)									Tswana



Ngwaga o mongwe – kgang e nngwe ya katlego



Instructions :

Folio Strap : Kgatlhego e e kgethegileng

Byline: Jane McPherson, Motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA.

Photos:



Re sa ntse gape re tlile kwa bokhutlong jwa ngwaga o mongwe wa katlego wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA. Tiro yotlhe e e dirilweng monongwaga ka dipholo tsa tlamelo e e duleng mabogo ka matlole e lenaneo le le e amogetseng go tswa Teraseteng ya Mmidi (Maize Trust).



Jane McPherson le Willie Kotzé, go tswa ntlokgolo ya Grain SA kwa Bothaville, ke bona ba tsamaisang Lenaneotlhabololo la Balemirui. Phatlhalatso ya tlaleletso ya “Moitseanape: Ditirelo tsa Ketelo” (Field Services) e ne ya tlhamiwa mme ga tlhomiwa Danie van den Berg mo go yona. Danie o itsege thata mo porojekeng e mme o ntse a dira katiso e e manontlhotlho mo dingwageng tse tharo tse di fetileng. Danie, o dirisa nako ya gagwe e ntsi mo go tsamaiseng badiredi ba ba dirang kwa ntle – bagokaganyi ba tlhabololo ba diporofense. Lenaneo 1, le supa badiredi ba bangwe ba ba amegang mo porojekeng e.



Lenaneo 1:



Lefelo 	 		Modiredi		Purpose

Bothaville 		 Debbie Boshoff 	Mothusakantorong

Zeerust			Tonie Loots 		Mogokaganyi wa tlhabololo wa porofense

			 Connie Mosikare 	Mothusakantorong

Nelspruit		 Jerry Mthombothi	Mogokaganyi wa tlhabololo wa porofense 

			 Nonhlanhla Sithole 	Mothusakantorong

Mthatha 		 Lawrence Luthango 	Mogokaganyi wa tlhabololo wa porofense 

			 Nombulelo Makeleni 	Mothusakantorong

Ladybrand	 	Johan Kriel		Mogokaganyi wa tlhabololo wa porofense 

			 Jacinta Motloang	Mothusakantorong

Klerksdorp	 	Amos Njoro 		Mogokaganyi wa tlhabololo wa porofense 

	 		Lerato Modise 		Mothusakantorong



Mo dikgaolong tsa bogwebi jo bogolwane, re tsepamisitse mogopolo thata mo bantshadikunong ba ba godileng kgotsa tsweletseng, gonne re dumela gore go fitlhelela maikaelelotheo a rona a “Go tlhabolola bantshadikuno ba bagwebi ba bantsho ba ba nang le bokgoni” re tlhoka go senya nako e ntsi le go naya tlhokomelo ya sebele mo bantshadikunong ba ba setseng ba le mo tseleng ya go nna bagwebi. Mo dikgaolong tsa bogwebi jo bo kwa tlase, re tswelela go tsepamisa mogopolo mo ditlhophathutanong, e e leng yona tsela e e ditshenyegelopotlana ya go direla palo e kgolo ya bantshadikuno.



Lenaneokatiso le tswelela go atologa – ka dikhoso tse dintsi, gammogo le patlego e e tswelelang go oketsega ya dikhoso.



Re sa ntse gape re leboga le Terasete ya Mmidi ka botswapelo ka kemonokeng e e tswelelang ya lenaneo le – re dira e bile re tlaa tswelela go dira bojotlhe go tsamaisa lenaneo le ka nonofo, le go neela bantshadikuno kemonokeng e e duleng mabogo. Re tota re itumelela tšhono e re e newang jaaka setlhopha sa tlhabololo.





