Year (Maize) 										Setswana

		

Tlhabololo ya balemirui ya Grain SA – thadiso ya ngogola



Instructions: 

Folio strap: Lenaneotlhabololo la Balemirui 

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Jaaka batlhankedi mo Lenaneotlhabololong la Balemirui la Grain SA, re tshegofetse le go tlotlomala go nna karolo ya se re dumelang fa se tlaa dira pharologanyo mo tiregong ya phetogo ya temothuo mo Aforikaborwa. Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA, le itlamile go tlhagisa bantshakuno ba bagwebi ba bantsho ba ba nonofileng le ba ba itshegeleditseng.



Madirelo a dithoro, bogolosegolo bantshakuno, ba šebane le metlha e e gwetlhang. Re šebane le kabosešwa le pusetso ya lefatshe, re tshwanela go gaisana le ditlhotlhwa tsa dithoro tsa lefatshe, re mekamekane le ditlhotlhwa tsa ditsenngwateng tse di kwa godimodimo le tse di sa gaisaneng le boditšhaba; e bile re lema mo nageng e e kgwatata, e gape e itemogelang ditshwaetso tsa kgotelo ya lefatshe go ya ka dipaterone tsa maemo a loapi. Ka kakaretso ga re tlhaele dikgwetlho – mme bogolo re tlhaela ditharabololo!



Tsamaiso

Re tshwanela go tswelela go bala masego a rona mo lenaneong – re na le setlhopha se se gakgamatsang sa batho. Re tshwanetse go simolola ka ditokololo tsa botsamaisi jwa Khuduthamaga ya Grain SA, Modulasetilo wa rona Mme Jenny Mathews ke motho yo o kgonang, le yo o tshwarang ka diatla le yo o tshegetsang badiri. Re ne ra tshegofala monongwaga go nna le Rre Schalk Viljoen go tswa Kapabophirima yo o itetlileng go direla mo setlhophatirong sa rona. O ne gape a tlhopiwa jaaka motlatsamodulasetilo wa komiti. Re itumetse thata, go nna le Schalk Viljoen le Andries Theron, bobedi jo bo tswang Kapa mo komiting ya rona, gonne ba tlisa dikakanyo tse dišwa le molebo o mongwe mo tlhabololong ya montshakuno. Re na le ditokololo tse dingwe tse di ikanyegang le boineelo mo Setlhophatirong sa rona. Rre Gert Pretorius go tswa Lichtenburg, Rre Moss Malo go tswa Delareyville, Rre Jabulani Zitha go tswa Nigel, Rre SK Makinana go tswa Ugie le Rre Papi Nkosi go tswa Hazyview.



Monongwaga, re itumela thata gape gore Rre Karabo Peele a bo a le karolo ya setlhophatiro. O emetse Maize Trust, moetleetsi wa rona yo mogolo. Re kgonne go kgwedisa rre Dirk van Rensburg, tokololo ya maloba ya komitikhuduthamaga, go tswelela go nna tokololo ya setlhophatiro. Dirk ke montshakuno yo o boineelo thata le yo o tshwarang ka diatla go tswa Arlington, mme re lebogela go itetla ga gagwe go re ema nokeng ka lenaneotlhabololo le.



Mabapi le batlhankedi, re godisitse porojeke go nna le batlhankedi ba leruri ba le 17, le ba bangwe ba le 13 ba ba dirang ka konteraka. Tekanyetsokabo ya lenaneo lotlhe e ka nna R14m. (dingwaga tsa matlole tsa diporojeke tse di farologaneng di farologana le ngwaga wa matlole wa Grain SA, se se dirang palo e go nna phopholetso e e gaufi tota). Mo Bothaville re na le Jane McPherson (Motsamaisalenaneo), Dr Willie Kotzê (Moitseanape: Katiso le Tlhabololo), Rre Danie Van den Berg (Moitseanape: Ditirelo tsa kwa ntle), Mme Debbie Boshoff le Mme Annemarie de Beer (badiredi ba tsa tsamaiso).



Batlhankedi ba dikgaolo ba eme jaana:

Lefelo
 
Modiri 
 
Mothusi 
 

 
Ladybrand
 
Johan Kriel
 
Dimakatso Nyambose
 

 
Zeerust
 
Tonie Loots
 
Connie Mosikare
 

 
Klerksdorp
 
Amos Njoro
 
Lerato Modise
 

 
Nelspruit
 
Jerry Mthombothi
 
Nonhlanhla Sithole
 

 
Mthatha
 
Lawrence Luthango
 
Nombulelo Makeleni
 

 
Vryheid	
 
Jurie Mentz
 
Sydwell Nkosi
 

 
						

Mo ngwageng o o fetang o, re maswabi go laelana le Mme Jacinta Motloang go tswa ofising ya Ladybrand, o o boneng tiro ya borutabana kwa Manyatseng, le Rre Piet Potgieter yo o ileng kwa VKB, go etelela karolo ya tlhabololo ya bantshakuno ya bona pele. Re itumelela go dira le Piet Potgieter ka botsalano mo maemong a gagwe a mašwa. Re itsaya jaaka karolo ya setlhopha sa tlhabololo se segolo mo Aforikaborwa le go ja monate go dira le batho ba ba aroganang tebelopele ya tlhabololo ya rona le rona.



Rre Jan de Villiers wa Ficksburg, o dumetse go tsamaisa porojeke ya Winter Cereals Trust kwa Foreisetatabotlhaba. Jan ke montshakuno yo o rotseng tiro le yo o tumileng thata le yo o nang le khumo ya maitemogelo e e boitshegang mo temong ya korong (gareng ga tse dingwe), yo o nang le pelo ya go fetisetsa se a se itseng go matlafatsa montshakuno. Rre Arthur Clayton go tswa Sannieshof o tswelela go ikarabela mo tsamaisong ya porojeke ya Mabele.



Bakatisi ba bangwe mo lenaneong ke:

Mokatisi 
 
Lefelo 
 

 
Eduard Foord
 
Ladybrand
 

 
Johan van der Merwe
 
Ladybrand
 

 
Attie Louw
 
Bloemfontein
 

 
Israel Mokoto
 
Wolmaransstad
 

 
Derrick Nqana
 
Nelspruit
 

 
Hendrik van Zyl
 
Cedara
 

 
Peter McGregor
 
Kokstad
 

 
Paul Jordaan
 
Barkley West
 

 
Andre Malan
 
Bloemfontein
 

 
Jan de Villiers
 
Ficksburg
 

 
Arthur Clayton
 
Sannieshof
 

 
Alphons Dube


 
Middelburg, Mpumalanga


 

 
Marius Greyling
 
Potchefstroom 
 

 


Malebo

Lenaneo lotlhe le le etleediwa ke Grain Trust, Maize Trust, Winter Cereals Trust, Oil and Protein Seed Development Trust, le Sorghum Trust. Tshwaelo e e dirwang ke diterasete tse e a boitshega. Kwa ntle ga tsona go ka bo go diragala go le gonnye thata mo mofameng wa tlhabololo ya montshakuno wa dithoro. Re sa ntse gape re tlisa malebogo a rona ka tshwaelo e e duleng diatla e – re ba netefaletsa go dira ka boineelo jwa rona mo tlhabololong ya montshakuno.





