Year										Tswana

Bokhutlo jwa ngwaga o mongwe mo lenaneotlhabololong la molemirui



Instructions: 

Folio strap: Dikgatlhego tsedi kgethegileng

Byline: Jane McPherson, Motsamaisilenaneo la Lenaneotlhabololo la Grain SA

Photo: Kopana le setlhopha sa Bothaville sa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA: Go tswa molemeng ke: Jane McPherson, (motsamaisilenaneo), Willie Kotzé (mogokaganyi wa katiso le tshedimosetso), Debbie Nel (mothusi mo ofising) Jenny Mathews (Motsamaisikhuduthamaga: Grian SA) le Nico Vermaak (motsamaisi: Ditirelo tsa Bokoporasi, Grain SA).



Re tile kwa bokhutlong jwa paka ya thuso ka maltlole le ngwaga wa matlole o mangwe wa Lenaneotlhabololo la Balemi la Grain SA. Tiro yotlhe e e dirilweng monongwaga ke dipholo tsa tlamelo ka matlole eo lenaneo le le e amogetseng go tswa go ba Maize Trust mme go tlhokega gore re lere malebogo a rona, gammogo le ditebogo go tswa go ba ba tswetsweng ke lenaneo le mosola.



Jaaka e le tlwaelo mo mofameng mongwe le mongwe wa tlhabololo tswelelopele e diragala ka mosito wa motho ka sebele mme mo mabakeng a mant e ka tsewa e le bonya – batho bangwe ba tshwarela ka bonako, fa bangwe ba tsaya lobaka go dira diphetogo tse di tlhokegang go tswelela pele go tswa mo seemong sa gajaana go ya maemong a a eletsegang, Sethalo se se bonolo sa tirego ya tlhabololo se eme jaana:



Tsereganyo

No lenaneong la rona, re dira ka nat go tsaya balemirui go tswa mo seemong sa gajaana, se se farologanang go ya ka molemirui go ya molemiruing yo mongwe, go mo isa kwa seemong se se eletsegang sa molemirui wa mogwebi, yo o ikemetseng le yo o tswelelang. Diporojeke tse di farologaneng mo lenaneong le di tlhametswe go samagana le ditlhokego tse di farologaneng tse ditlhopha tsa bolemirui tse di farologaneng.



Sit die Engels is. 



Lenaneo le sa ntse le tsamaisiwa go tswa Bothaville. Mo popegotheong ya thulaganyo ya Grain SA, lenaneo le wela mo karolong ya Ditirelo tsa Bokoporasi, e e laolwang ke rre Nico Vermaak. Batlhankedi ba bangwe mo lenaneong ba eme jaana.



Lefelo
 
Motho
 
Maitlhomo a Phatlhatiro


 

 
Bothaville	
 
Jane McPherson

Debbie Nel

Willie Kotze
 
Motsamaisilenaneo

Mothusi mo ofising

Mogokaganyi wa Katiso le Tshedimosetso
 

 
Zeerust
 
Tonie Loots
 
Mogokaganyitlhabololo wa Porofense
 

 
Nelspruit
 
Jerry Mthombothi
 
Mogokaganyitlhabololo wa Porofense
 

 

 
Nonhlanhla Sithole
 
Mothusi mo ofising


 

 
Cathcart
 
Phillip Olivier
 
Mogokaganyitlhabololo wa Porofense
 

 
Ladybrand
 
Johan Kriel
 
Mogokaganyitlhabololo wa Porofense


 

 

 
Jacinta Motloang
 
Mothusi mo ofising


 

 
Klerksdorp
 
Amos Njoro
 
Mogokaganyitlhabololo wa Porofense


 

 

 
Lerato Modise
 
Mothusi mo ofising
 

 


Setlha sa selemo se se sa tswang go feta se ne se le se se bokete mo go maswe ka ntlha ya leuba le le boitshegang le le neng le aparetse dikgaolo tse dikgolo tsa pula ya setlha sa selemo – balemi bangwe ba paletswe ke go jala gotlhelele, bangwe ba jetse mme ba batile ba sa nne le sepe go se roba, fa dikgaolo di le mmalwanyana di ntse le maemo a tlwaelo. Go le gontsi balemi ba jala dijalo ka madi a kadimo – e ka nna go tswa mo dibankeng kgotsa dikgwebo tsa temothuo (old Co-ops) – tota ke balemirui ba ba mmalwa ba ba tsayang inšorense ya ditsenngwateng ka gore dielopoelo mo ntshodikunong ya dijalo di kwa tlase thata mme ba leka go tshola ditshenyegelo di le kwa tlase ka fa go kgonegang ka teng.



Mo setlheng se tshwana le se go na le balemi ba bantsi ba ba sa kgoneng go duela dikadimo tsa bona tsa ntshodikuno mme ka jalo ga ba kgone go fitlhelela thuso go ka jala sejalo se se latelang. Fa motho o dira ka balemirui ba ba tlhabologang ba fa gongwe ba se nang dipolokelo tsa khepetlele, ngwaga o o tshwanang le setlha se se fetileng se, ke matlhotlhapelo mme tswelelopele go fitlhelela kgwebofatso e ka kgoreletsega.



Lenaneo la balemirui le le tsweletseng le tswelela sentle mme re setse re tshwaretse setlhopha se se tlhophegileng sa balemi ba Khoso ya Kgwebo ya temothuo. Neelo ya khoso e mmogo le tiragatso ya tiro ya morago-ga-khoso e tsewa jaaka kgato ya bofelo ya lenaneo, e ree tsayang le molemi go ya kgwebofatsong. Khoso e e kokoanya mmogo tshedimosetso yotlhe e e fitlhelwang mo dikhosong tse dingwe, mme e totile go tsepamisa molemi mo dikgaolong tsa botlhokwa tsa tiragatso tse di tlaa mo kgontshang go tsepamisa mogopolo mo kgatong nngwe le nngwe ya tirego ya ntshodikuno ka nako e e nepagetseng mo diemong tse di nepagetseng.



Lenaneokatiso la rona monongwaga le ntse le tiro e ntsi go feta – go feta dikhoso tse 80 go tswa tshimologong ya Diphalane 2006 go ya 30 Lwetse, 2007. Dikhoso di tswelela go amogelwa sentle thata, dipego go tswa baleming di siame, mme gantsi ba batla dikhoso tse dingwe go ya pele. Re neela dikhoso go tloga ka Tlhakole go ya Ngwanaitseele ngwaga le ngwaga, ka dinako tse dingwe balemi ba theogetse thata mo masimong mo ba sa kgoneng go tsenela dikhoso. Mo dikgweding tsa selemo se, re tsepamisitse thuto mo ditekong tsa ditshupetso, dipitso tsa ditlhophathutano, le kemonokeng mo baleming ka bongwe le ka sebele. Re santse gape re ntse le tsibogo e e nametsang go tswa mo balemising ba Lefapha la Temothuo mme re solofela go tswelela mo pakeng ya matlole e e tlang e mo go yona re tlaa kgonang go ba thusa ka dikhoso tsa tekelelo – tiragatso ya tiori mo masimong ke tlhaelo e kgolo mo balemising ba.



Re tswelela go gasa mo diradiong tse nne, Lesedi, Motsweding, Ligwalagwala le Umhlobo Wenene – se se sala go nna tsela e e gaisang go kopana le balemirui – e seng fela mo phetisong ya thekendoji, fela gape le go itsise balemirui ka ditiro mo lenaneong.



Pula-Imvula e a tswelela – ke nngwe ya diporojeke tse di rategang mo lenaneong le mme e bile ga re ke re tlholega go ipelela makasine o o weditsweng. Go na le batho ba le mmalwa ba ba tshwaelang mo tiregong yotlhe – badiredi ba ARC-GCI kwa Potchefstroom, bafetoledi ba ka gale ba nnang mo kgatelelong go fetsa tiro ka nako e e beilweng ka kgagamalo, badiredi kwa Infoworks (barulaganyi le baphasalatsi) bagatisi le baromedi – se ka kgwedi le kgwedi. Pula-Imvula, e amogelwa sentle thata nme bobuisi bo tswelela go oketsega – re setse re fetile dikhophi di le 16 500 ka kgwedi mme lenaane le tswelela go oketsega. Re sa ntse gape re re: malebo, Maize Trust, ka go tswelela go ema lenaneo nokeng:









