Wheat

Go tsenya korong mo Pula- Imvula



Instructions: 

Dithoro tsa mariga 

Kgatiso e e kgethegileng

Jane McPherson, motsamaisilenaneo wa Lenaneotlhabololo la Grain SA,



Ka go buisa Pula – Imvula e, o tshwanetse wa bo o itse ka ga Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA. Mo nakong e e fetilng, lenaneo le le ne le tlamelwa ka matlole a otlhe fela ke Maize Trust, mme ka ntlha ya seo re ne kgona fela go g atisa dikgang tse di amanang le Mmidi.



O ka bo o lemogile gore fa gautshwane jaana re tsentse dikgang ka Dipeo tsa Oli mo makasineng o - se ke ka ntlha ya tlamelo ka matlole go tswa go Oil and Protein Seeds Development Trust. Jaanong re itumetse go feta go ka go itsise gore re kgonne go bona matlole go tswa go Winter Cereals Trust, mme go tswa mo kgatisong e ya Sedimonthole, re tlaa bo re na le tlaleletso ya kgweditharo ya Pula – Imvula e e tlaa bong e na le dikgang ka Ntshodikuno ya Korong mo dikgaolong tsa pula ya selemo.



Gajaana re tlaa gatisa tlaleletso e fela ka Seesimane le Sesotho mme e tlaa tsenngwa mo phasalatsong ya gale ya lenaneoina ya Pula-Imvula mo Foreisetata. Mo kopong ya rona go Winter Cereals Trust, re kopile diporojeke di le mmalwa go thusa bantshadikuno ba korong ba ba tlhabologang mo Foreisetatabotlhaba le Bogare. Re tlaa jala ditekelelo tsa ditshupo di le pedi – e le nngwe kwa Modderpoort, gaufi le Ladybrand, e le tsa balemi mo kgaolong ya botlhaba mme e nngwe kwa Glen, gaufi le Bloemfonein e le ya balemi ba kgaolo ya bogareng.



Maitlhmo a ditekelelo tse e tlaa bo e le go supetsa balemi mekgwatiriso e e gaisang – mekgwatshugo e e nepagetseng ya tshomarelo e e kwa godimo ya bongola mo dikgweding tsa selemo, tlhopho ya mofutapeo, palopalo ya dimela, nontsho le taolo ya mefero le disenyi. Malatsi a Balemi a le mabedi a tlaa tshwarelwa kwa ditekelelong tsa tshupetso – go siame go utlwa ka dilo, fela go di bona gona ruri ke go di tlhaloganya.



Le fa e bile go na le dikwalo tse dintsi tse di amanang le ntshodikuno ya korong mo dikgaolong tsa pula ya selemo, re tlaa rulaganya kaedi e e kgethegileng ya balemi ba ba tlhabologang mo kgaolong. Tsepamisomogopole e e kgethegileng ya kaedi e, e tlaa bo e le ka mokgwatiriso wa tshomarelo ya bongola – ntlha ya botlhokwatlhokwa mo ntshodikunong ya korong mo kgaolong ya pula ya selemo. Kaedi e sa ntse gape e tlaa nna le dikgaolo ka mmu, semela sa korong, tlhokego ya dikotta tsa korong, dithekeniki ya go jala tse di tlaa akaretsang tlhopho ya mofutapeo gammogo le palopalo ya dimela le matlhajalo, taolomofero mo dijalong tse di golang, taolodisenyi, taolomalwetse gammogo le thobo, peseemo le thekiso.



Morago ga go wetsa khoso, re tlaa bo re neela dikhoso tse tharo (gongwe mo go ba bangwe dikhoso tsa ntšhwafatso) – e le nngwe ya balemisi le tse pedi tsa balemirui, Dikhoso tse di tlaa tlhagisiwa mo nakong ya beke e le nngwe – mo mosong go tlaa rutwa tiori fa dithapama e tlaa nna dintlha tsa katiso mo tirong,



Go kgona go direla balemirui sentle ka botlalo, re tlaa tlhoma ditlhophathutano di le nne tse di totileng ntshodikuno ya korong. Ditlhophathutano tse di tlaa kopana kgwedi le kgwedi, mme mo dipitsong dintlha tsotlhe tse di maleba tsa kgwedi eo e tlaa nna ditlhogo tsa puisano.



Re motlotlo thata go newa tšhono go direla balemi ba korong kwa Foreisetata mme re bonela pele tirisano e utlwalang le balemi, dikgwebo tsa temothuo gammogo le Small Grain Centre mo Bethlehem.

