

Weeds (Maize) 	 								Setswana



Mefero le taolo ya mofero



Instructions: 

Folio strap: Taolo ya mofero

Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa kaeding ya Tlhagiso mo Ntshodikunong ya Mmidi



Semela sengwe le sengwe se se tlhogang fa se sa batlegeng kgotsa eletsegeng teng se ka bidiwa mofero. Mefero ke mmaba wa montshadikunothoro – e gaisanela bongola, lesedi le dikotla, e tlhola mathata ka nako ya thobo, e ka leswefatsa kgotsa ya senya mmala wa dithoro, peo ya yona e ka nna botlhole e bile e ka fitlha disenyi le malwetse a a ka amang dijalo tse di ikaeletsweng.



Mefero gantsi e itsege ka ntshopeo e e bonako le e ntsintsi, e anama ka bonako le go gola ka bonako. Gantsi e na le thulaganyomedi e e nonofileng sentle, mme e inyalantsha le maemo a mantsi. E bokete go laolwa, e thata mme e gaisanela ka bogale bongola le dikotla mo mmung le dijalo. Gale mefero e butswa e sa le mennye thata ka jalo e ungwa le go ata ka bonako.



Medi ya mefero gale e tsenelela kwa tengteng le ka go ikala go na le medi ya dijalo, ka jalo e kgona go falola bonolo. Mefero ya motlhogelaruri gantsi e na le dipolokelo tsa dijo tse dintsi thata mo dikarolong tsa yona tse di ka fa tlase ga lefatshe – gape se se e kgontsha go emelana le maemo a a bokete a kgolo.



Mefero e ka digela modikotshelo wa yona kwa tlase ga o le mongwe fela – kgotsa mo setlheng (yona e bidiwa mefero ya sengwaga), kgotsa e ka tshela go feta ngwaga fela e seng go feta ngwaga tse pedi (yona e bidiwa mefero ya sengwagapedi), kgotsa e ka tshela lobaka lo loleele le go tsala ngwaga le ngwaga (yona e bidiwa mefero ya motlhogelaruri).



Ke eng se se botlhoka go laola mefero mo dijalong?

Mefero e gaisanela bongola jwa mmu, dikotla, sebaka sa lesedi, le dijalo. Kgaisano e e kgoreletsa kgolo ya dijalo le go dia go gola, ka jalo e fokotsa thobo ya dijalo. Kgaisano e e ka tlhola kgotlelego ya peo ya dijalo, thobo e e fokotsegileng kgotsa phokotsego mo bolennye jwa peo ya dijalo. Kgaisano e e dirwang ke mofero e farologana go ya ka sejalo le sejalo, le ka mofero le mofero – e ka tlhola bonnye phokotsego ya thobo ya dijalo ya 10% kgotsa bogolo jwa 98%.



Mefero e simolola go gaisana le dijalo fela fa e setse e dirile thulaganyo ya medi ya leruri – fela fa e setse e fetile kgato ya botlhogela. Taolomofero e tshwanetse e totisiwe go thibela kgaisano le dijalo, gammogo le go thibela mofero go dira peo, ka go dira jalo o ipaakanya sentle go gaisana le sejalo se sengwe mo nakong e e tlang.



Mekgwa ya taolomofero 

Go na le mekgwa e megolo ya taolomofero e le mebedi – wa semotšhine le wa sekhemikale. Mo mabakeng a le mantsi tlhagolo e le yosi, kgotsa kopanyo ya dibolayatlhatshana le tlhagolo, e ka nna thulaganyo ya seikonomi e e botoka go e dirisa. Tlhopho ya mokgwa e tlaa ikaega ka thato, maitemogelo le kitso ya montshadikuno, gammogo le go nna teng ga badiri, diterekere le didiriso – bogolosegolo ka nako ya go jala le fela fa morago ga foo.



Tsamaiso ya mofero e tshwanetse go tsewa jaaka karolotlhogelelo ya temommidi mme e tshwanetse go tsewa tsia ka nako ya temommu, paakanyo ya boalopeo, jalo le ka dikgatokgolo tsa dijalo.



Taolomofero ya semotšhine

Taolomofero ya semotšhine e akaretsa go sega mefero, go thiba mefero go ungwa, kgotsa sa botlhokwa thata go kumola mofero o dirisa terekere le sediriso se se maleba. Taolomofero ya semotšhine e maleba thata pele ga jalo (go tshola tshimo e le phepa) le ka nako ya dikgato tsa pele tsa kgolo ya sejalo. Go botlhokwa go laola mefero fa e sa le menana le go thibela kgaisanelo ya bongola jwa mmu, gammogo le fa dijalo di sa le dinana, e le go netefatsa gore go tlhagola ga go senye medi ya dijalo. Mefero e e itshetletseng e na le thulaganyomedi e e godileng sentle mme taolo e e nonofileng ya semotšhine ya yona e tlaa tshwanela go tsenelela mme e ka senya medi ya dijalo.



Taolomofero ya sekhemikale

Go na le diedi, dithoro le digase tsa sekhemikale tse di ka dirisiwang go laola mofero. Selekanyo se se nepagetseng le teponako e e tshwanetseng mo tirisong ya dibolayatlhatshana ke ya botlhokwa thata.



Dikhemikale di ka farologantshiwa jaaka dibolayatlhatshana tse di tlhophang le tse di sa tlhopheng. Dibolayatlhatshana tse di sa tlhopheng di bolaya semela sengwe le sengwe se di amanang naso, fa e le gore sebolayatlhatshana se se tlhophang se tlaa bolaya fela mofero o o rileng kwa ntle ga go ama dijalo gotlhegotlhe. Dibolayatlhatshana tse di sa tlhopheng di ka tshelwa fa gare ga mela ya dijalo ka go dira jalo tsa bolaya mefero kwa ntle ga go tshwaetsa dijalo.



Dibolayatlhatshana di sa ntse gape di dira ka ditsela tse di farologaneng di le pedi – dingwe di dira ka go ama (kgoma) fa dingwe di dira ka go monyela. Dibolayatlhatshana tsa kamano di tshwaetsa ditogwa tsa semela se di amanang naso; jalo go bona dipholo tse di gaisang, go tlhokega kolobetso e e tseneletseng. Tsona di dira sentle thata mo meferong e mennye kgotsa menana. Dibolayatlhatshana tsa monyelo di tsamaisiwa ka fa gare ga semela, ka jalo le fa se kgatshitswe fela mo matlhareng, medi le yona e ka tshwaediwa.



Dibolayatlhatshana gape di ka farologantshiwa go ya pele ka ya pele ga tlhogo (pele dijalo di tlhagelela fa godimo ga mmu); le morago ga tlhogo (morago ga dijalo di sena go tlhagelela fa godimo ga mmu). Dibolayatlhatshana tsa pele ga tlhogo di monyelwa ke kholiophothaele kgotsa medi e e golang, fa e le gore dibolayatlhatshana tsa morago ga tlhogo di monyelwa ka matlhare le dikutu. 



Go na le mesola e le mmalwa ya taolomofero ya sekhemikale go na le taolomofero ya semotšhine – mesola e e sa batliweng e mentsi ke:

Go bonako thata go tshela khemikale go laola mefero go na le go e tlosa ka semotšhine;

Dikhemikale di le dintsi di na le go nna lobaka di sa ntse di dira, se se rayang gore ga go tlhokege go dira sepe gape go laola mofero; le

Mo ditlheng tse go tsopotlegang fa go le dithetse thata go ka tsena ka terekere mo masimong, taolomofero ya sekhemikale ke yona e nonofileng thata (terekere ka sekgatshi e ka tsena mo tshimong ka bonako go na le terekere e e gogang setlhagodi).

