Weeds										Tswana

Re boloditse ntwa kgatlhanong le MEFERO



Intructions:

Folio strap: TAOLOMOFERO

Byline: Jane McPherson, Motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemi la Grain SA



Mmaba yo o setlhogo wa moemi ke mofero mme mo lenaneong la tlhabololo la rona re sweditse gore o, ke ngwaga wa go bolotsa ntwa kgatlhanong le yona!



Mo dikgaolong tse dintsi koo go ntshiwang dijalo tsa selemo teng seno e ntse setlha sa ntshodikuno se se siameng thata. Bomadimabe ke gore fa maemo a siametse dijalo, fela jalo a siametse le mefero. Monongwaga go ntse le masimo a go ntseng bokete go bona dijalo mo gare ga mefero mme tatlhegelo e se se e lereng mo moleming e tlhomola le moloi pelo. Mo dingwageng tse di mmalwa tse di fetileng balemi ba gogile bokete e bile go ntse bokete go dira poelo – ga re kitla re kgona go latlhegelwa ke dithoro go sa tlhokege.



O ka gakgamala gore keng go tlhokega go tshwenyega ka mefero mo go moranang. Gajaana, go tlaa bo go se mosola go lekalo go laola mofero mo dijalong tsa gajaana gonne e setse e dirile tshemnyo (hwa ntle ga go e thibela go ungwa go kgotlela masimo mo ngwageng o o tlang). Fela le gale go lwantsha mmaba ka botlalo, o tlhoka go itse mmaba – ga o ka ke o a lwantsha selo se o sa se itseng e bile o ka se ke oa se lemoga. Nako e ke yona tota nako e e siameng go tsamaya mo masimong a gago go bona gore ke mefero efe e e tlhogang moo - mefero e e leng foo jaanong jaana e tlaa bo e le teng le ngwaga o o tlang (le ngwaga morago ga yona fa o sa tsee dikgato tse di gagametseng go e laola).



Tlhaola mefero

Tshwaya gore ke mefero efe e e tlhagelelang thata mo masimong afe.

Batlisisa ka mefero e o e boneng- a ke ya:

Matlharephaphathi;

Matlharemasesane (sekabojang);

E intsifatsa jang – a ke ka peo, kgotsa medi, kgotsa digwere, jj.

Ke tsela efe e e gaisang go fedisa mefero eo mo dijalong (thefosanyodijalo taolo ka metšhine kgotsa taolo ka dibolayatlhatshana)?

Mefero e e ka tlhaselwa ka paka efe ya ngwaga e ka nna mariga pele o jala sejalo se se latelang)?

Ke dikhemikale dife tse di kwadiseditsweng go dirisiwa mo meferong eo?

Dikhemikale tse di ka tshelwa leng mo meferong kgotsa mo mmung?



Fela fa o setse o na le tshedimosetso yotlhe ka ga mefero e e leng bothata jwa gago, o tlaa bo o le mo maemong a a botoka go e laola setlha se se latelang – nna o le malalaalaotswe gore o tle o fenye ditlhabano, kwa bofelong o fenye ntwa!



