Weeds										Tswana



Mefero – khutso ya ntshodikuno ya dijalo



Instructions: 

Folio strap: Taolomofero

Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa kaeding ya Grain SA: Ntshodikuno le Thekiso ya mmidi e e tsweletseng.

Photo 1: Tshimo e, kwa Kapabotlhaba ga e a kgatshiwa ka sebolayatlhatshana sepe, ka jalo e tletse mefero. 

Photo 2: Tshimo e, le yona kwa Kapabotlhaba, e ne ya kgatshiwa ka sebolayatlhatshana fela fa morago ga go jala.

Photo 3: Malepa mo setshwantshong se ke go lepa semela sa mmidi. 

Photo 4: Filetara ya sekgatshi e thibane.

Photo 5: Dinosele tsa sekgatshi di thibane.

Photo 6: Thibano e ka nna teng fa sekgatshi se sa phepafadiwe le go tlamelwa.



Ditshwantsho 1 le 2 e sale tsa tshimo ele kwa Kapabothaba – e e nang le mefero ga e a ka ya kgatshiwa ka sebolayatlhatshana sengwe fa e le gore e nngwe e ne ya kgatshiwa fela morago ga jalô – pharologano e mo pepeneneng!



Mofero ke eng?

Semela sengwe le sengwe se se tlhogang fa se sa batlegeng kgotsa tlhokegeng teng, se ka bidiwa “mofero”. Mefero ke bothata mo temodithorong ka gore e gaisanela bongola le dikotla, e ka dira mathata ka nako ya thobo, e ka kgotlela le go taka dithoro, dipeo tsa yona di ka nna botlhole mme e ka suba disenyi le malwetse a a amang sejalo se se solofetsweng.



Mefero e anama bonolo e bile e golela ka bonako thata. Gantsi e na le thulaganyomedi e e godileng sentle mme e inyalanya bonolo le maemo a mantsi. E bokete go laolwa, e thata e bile e gaisanela ka mafega bongola le dikotla tsa mmu, le dijalo. Mefero e na le ditsela tse di farologaneng tsa go intsifatsa mme di tshwanetse go tsewa tsia thata fa taolomofero e rulaganngwa. Mefero e kgona go ungwa (gantsi ka bonako le phophomo), mengwe e na le dikutu tsa ka fatlase (medithola) mengwe e na le medimetlange e namang mo boalogodimong, mengwe e na le digwete fa mengwe e na le digwere. Mo mabakeng mangwe jaaka mo monakalading, e dira peo, e na le segwere le medithola – se se e dirang bokete segolo go laolwa. Dipeo tsa mefero fa gongwe di tshela paka e telele – di kgona go leta mo mmung go fitlhelela maemo a di siamela go ka mela. Gape dipeo tsa mofero ga di ke di tlhogela gongwe tsotlhe – dingwe di a mela fa dingwe di tlaa mela moragonyana. Tlhogo e, fa gongwe e rumolwa ke go lema mmu.



Medi ya mefero fa gongwe e tsenelela kwa teng thata go na le medi ya dijalo ka jalo e kgona go falola bonolo. Mefero ya motlhogelaruri gantsi e na le dipolokelo tse dikgolo tsa dijo mo dikarolong tsa tsona tse di ka fa tlase ga mmu – gape se se e kgontsha go emelana le maemo a kgolo a a bokete.



Mefero e ka digela modikotshelo wa yona mo sebakeng se se ka fa tlase ga ngwaga – kgotsa mo setlheng (yona e bidiwa mefero ya sengwaga), kgotsa e ka tshela go feta ngwaga fela kwa tlase ga dingwaga tse pedi (yona e bidiwa mefero ya ngwagapedi), kgotsa e ka tshela lobaka lo loleele le go ungwa ngwaga le ngwaga (yona e bidiwa mefero ya motlhogelaruri).



Keng go le botlhokwa go laola mefero mo dijalong? 

Mefero e gaisanela le dijalo bongola jwa mmu dikotla, sebaka le lesedi. Kgaisano e e kgoreletsa kgolosejalo le go diegisa tswelelo, ka go eira jalo e fokotse thobo ya dijalo. Kgaisano e e ka tlhola kgotlelego ya peo ya dijalo, phokotsego mo thobong kgotsa phokotsego mo bolennye jwa peo ya sejalo. Kgaisano e e dirwang ke mefero e farologana go tswa sejalong go ya sejalong le go tswa moferong go ya moferong – e ka tlhola phokotsego ya thobo ya dijalo ka bonnye jwa 10% kgotsa ka bogolo jwa 98%.



Mefero e simolola go gaisana le dijalo fela fa e setse e tlhabolotse thulaganyomedi ya leruri – fela fa e fetile kgato ya botlhogela. Taolomofero e tshwanetse go totisiwa go thibela kgaisano le dijalo, gammogo le go thibela mofero ga ungwa peo mme ka jalo o a itshamatlhela go gaisana le dijalo tse di tlang moragonyana.



Molemi mongwe le mongwe yo o tlhoafetseng ka ntshodikuno ya dithoro o bolotsa ntwa kgatlhanong le mefero – ke yona mmabamogolo wa molemi. Ka kakaretso mefero e laolwa semotŝhine kgotsa ka go dirisa sebolaya tlhatshana – kgotsa ka go dirisa kopano ya mekgwa yoobedi. Taolomofer e e nonofileng e tshwanetse gore mo tshimong eo go lemilweng fela dijalo mo go yona – e tlhole gore go se nne le mofero got Lhelele. Boammaaruri, le gale ke gore dilo di ka fosega mme mefero ea se ka e a tlhagolwa sentle.



Ke eng se se tlholang taolomofero e e bokoa?

Go na le mabaka a motheo a le mararo a a tlholang taolomofero e e bokoa – lengwe le amana le didiriso tsa go tlhagola, lengwe le amana le didiriso tsa kgatsho mme la bofelo ke maemo a loapi (bosa).



Didiriso tsa tlhagolo

Taolomofero e e bokoa e ka nna fa:

Dikara tsa go tlhagola di sa katologanngwa ka tshwanelo gore di fitlhelele kgaolo yotlhe ya mmu fa gare ga mela ya dijalo (di ka nna tsa bo di fedile mo di sa tsaaneng tema).

Tiro ya go tlhagola e sa dirwa go fitlhelela boteng jo bo nepagetseng – medi ya mefero ya motlhogelaruri e ka tlhogelwa mo mmung o o bongola o o tlaa di kgontshang go gola gape.

Tiro ya tlhagolo e sa dirwa ka lebelo le le nepagetseng – go botlhokwa go tlhagolwa ka bonako jo bo lekaneng gore gore go tlhanyaololwe mmu go lekane.

Mmu o le metsi thata ka jalo mefero e e kumotsweng e sala e ntse e amana le mmu e kgone go tswelela go gola.



Didiriso tsa kgatsho

Taolomofero e e bokoa e ka nna fa:

Khaliboreišene ya sekgatshi e fosagetse.

Tepo ya nako ya taolomofero e ne e sa nepagala.

Sebolayatlhatshana se se dirisitsweng se ne se sa tshwanela mofuta wa mofero o o mo tshimong.

Filetara ya sekgatshi e thibane (setshwantsho 4).

Dinosele tsa sekgatshi di thibane (setshwantsho 5).

Go dirisitswe mofuta wa dinosele o o fosagetseng (gakologelwa go dirisa dinosele tsa khoune go kgatsha mo dimeleng, le dinosele tsa sesarasari go kgatsha mmu).

Sekgatshi se se ke sa phepafadiwa le go tlamelwa sentle morago ga setlha se se fetileng – dithibano tse di farologaneng di ka diragala, gammogo le jego ka ntlha ya dikhemikale tse di saletseng mo sekgatshing.



Maemo a loapi (bosa)

Dikhemikale dingwe di tlhoka pula morago ga kgatsho gore di nonofe – fa go se na pula gona ga di ne di dira.

Paka e e mogote thata le go oma le yona e ka dira gore dikhemikale di se ke tsa dira.

Pula e ntsi thata morago ga masimo a se na go tlhagolwa e ka dira gore mefero e jalwe sešwa.



Botlhokwa jwa taolomofero ga bo na mafoko a a ka bo tlhalosang – kwa ntle ga taolomofero e e tshwanetseng, thobo e e eletsegang ga e ka ke ya fitlhelelwa. Le mororo go umakilwe mabaka a mantsi mo kgannye e fa godimo gore gore ke eng taolomefero e ka se ke e a nna tlhololo, dintlha tse dintsi di amana le tsamaiso – gongwe go setse go le thari mo setlheng seno, fela dithuto tse di ithutilweng mo setlheng seno di tlaa nna mosola mo setlheng se se tlang. Re tshwanetse ga dira bojotlhe go dira diphoso tse “dintšhwa” fela ka go ithuta mo diphosong tsa rona tsa monongwaga le go dira dipaakanyo tsa isagwe.

