Weeds (Maize) (995 words)								Setswana
Akanya taolomofero ka “spray rig”
Instructions:
Folio strap: Taolomofero
Byline: Kgannyana e rometswe ke montshakuno yo o rotseng tiro
Morago ga go jwala mo setlhajalong sa Diphalane go ya bogareng jwa Sedimonthole, 2010, dikgaolo tsa ntshokuno ya mmidi di le dintsi di ne tsa amogela pula e e kwa godimo ka dipaka tse di sa atologanang thata. Mo dipolaseng di le dintsi maemo a a kgobotlegang a ne a thibela taolomofero e e nonofileng ya semotšhine mo gare ga mela, setlha sotlhe.
Bantshakuno ba ba se kileng ba dirisa taolomofero ya sekhemikale, le go sa kgatshang pele ga tlhogo ya dimela kgotsa ba ka se ka ba tshela dikhemikale morago ga tlhogo, ba ka kopana le mathata a magolo a mefero mo setlheng se se tlang se. Dimela tsa mofero tse di kgonneng go ungwa di tlhodile dipeo di le dimilione tse di tlaa bong di anamisitswe mo masimong pele ga setlha sa ntshokuno sa selemo se se tlang se. 
Bantshakuno ba go lema go le gonnye le bona ba itemogetse mathata a taolomofero a a boitshegang mo masimong fa sediriso se ne se sa kgone go dirisiwa go kgatshetsa lenaneo la taolomofero le le rulaganeng la mefero pele le/kgotsa ka jwalo. Ka jalo go botlhokwa go tllhatlhoba masimo a a tlileng go jwalwa gore go tle go lemogiwe paterone ya kanamo ya mefero e e mathata. Khemikale e e nepagetseng le lenaneokgatsho le le nepagetseng, gammogo le moemedi wa gago wa taolomofero, jaanong di ka rulaganngwa.
Ka maemo a a kgobotlegang a a sa leng gona gammogo le pula e e setseng e amogetswe mo go Phatwe, go bonala sentle fa maemo a kgobotlego a tlaa kgoreletsa gape tlhagolo ya mofero ka metšhine le ditiro tsa kgatsho ya taolo ka khemikale le monongwaga. Go atlanegisiwa ka jalo gore fa o ntse o ikantse taolomofero ya semotšhine fela, go akanngwa ka tshwetso ya go reka “spray rig” se se tshwanetseng.
Mehuta ya “spray rigs”
Rigs tsa ntlhatharo
Mediro e e farologaneng e mentsi ya “spray rigs”e e siametseng go gokelelwa mo ntlhatharong ya terekere ya gago, go akaretsa ditanka tsa dilitara tse 600 le 1000 le dibumu tsa boleele jwa dimitara tse 12 go ya 16, e ka bonwa mo mebarakeng ya selegae. Diyunite tsa ditanka tsa dilitara tse 1 000, di tshwanetse go dirisiwa fela mo diterekereng tse di nang le mothamo wa llifite ya ntlhatharo wa ditono tse 1.5 kgotsa go feta. 
Diyunite tse di dirilweng mono gae di tlhotlhwa e e utlwalang sentle mme le dikarolwana tsa tsona di fitlhelelwa botlhofo mo setlheng. Fa o ka reka yunite e e rometsweng go tswa ntle, netefatsa gore agente ya gago e go tlhomamisetsa go ka bonwa ga dipompo tsa kemisetso kgotsa didaeforamo tsa pompo le go tshola metseletsele ya dinosele tsa kgatsho ka gale. Tshelo nngwe le nngwe e tlhoka dinosele tse di kgethegileng tse di nang le dipaterone tsa kgatsho le melongwana e e farologaneng. Ditshetelo tsa kgatelelo tsa nosele nngwe le nngwe di botlhokwa thata mo go netefatseng gore go fitlhelelwa bogolo jwa lerothodi jo bo nepagetseng jwa tshelo e e rileng go bona tiragatso e e kwa godimodimo ya sebolayatlhatshana se se tshetsweng.
Diyunite tse di gogwang
Fa o kgonne go reka yunite e e gogiwang, se se na le mosola o mogolonyana go na le yunite e e gokelelwang ya ntlhatharo. Konalo ya thulaganyo ya haeteroliki ya ntlhatharo, e a tlosiwa mme terekre le “spray rig” di dira yunite ya semotšhine e e lekalekanang le go tlhola bokgoni jo bo kwa godimo le katisegelo ya mmu e potlana. Diyunite tsa dilitara tse 2 000 gape di kgontsha kgatsho ya bogolo jwa masimo pele o ka ya go tlatsa motswako wa tanka. Gakologelwa botlhofo jwa go nyalantsha sebaka magareng sa maotwana mo yuniteng e e gogwang go tlaa tsamaelana le a terekere mo katoganyong ya mela ya polantere ya gago ya phitlhelelo e e bonolo ya dilaodi go tswa setilong sa mokgweetsi.
Bonnye jwa tlwaelo jwa tshelo ya metsi mo motswakong wa tanka o o rileng e ka nna dilitara tse 200 ka heketara go netefatsa kapeso ya kgatsho e e lolameng ya boalogodimo jwa mmu. Tanka ya ntlhatharo ya mothama wa dilitara tse 600 ka jalo e tlaa apesa diheketara tse tharo pele ga tlatso le tswakanyo ya dikhemikale tsa tshelo e e latelang. 
Fa o rulaganyetsa tiro ya kgatsho tsaya tsia kgaolo e e yang go kgatshiwa, ditekanyetso tsa nako, go nna teng le phitlhelelo ya metsi a a tshwanetseng, palo ya diterekere le didiriso tse di gona go tsenyeletsa le tereilara e e nang le tanka ya mothama wa bonnye jwa dilitara di le 5 000. Go gakololwa gore tereilara ya metsi a a tlaa dirisiwang e tlamelwe ka pompo e e nang le mothamo wa bogolo jo bo lekanetseng gore tanka ya ntlhatharo kgotsa tanka ya tereilara, e tladiwe ka bonako.
Thulaganyo le tlamelo ya didiriso e tshwanetse e dirwe ka kelotlhoko e le gore go tle go fokodiwe motsamao mo masimong ka setlha sa jalo. Temothuo ya segompieno e e nang le poelo e ka se fitlhelelwe kwa ntle ga kitso e e siameng ya taolomofero ya sekhemikale le tshelo e e nonofileng ya yona ka sediriso sa kgatsho se se nepagetseng. Ka gale dirisa agente kgotsa mogakolodi yo o nang le maitemogelo go thusa mo togamaanong le tshelo ya dibolayatlhatshana le dibolayasenyi. 
Fa o se na maatlakgogo a terekere a a lekaneng kgotsa khepetlele ya go itlamela ka didiriso, akanya ka go dirisa rakonteraka yo o nang le “spray rig” se segolo. Ditlhotlhwa go tswa go borakonteraka di ja magareng ga R65 le R100 gammogo le disele. Kgaolo e kgolo ya masimo e ka dirwa mo motshegareng le bosigong ka thuso ya dithulaganyo tsa GPS. Fela le gale netefatsa pele o tsena mo dithulaganyong gore rakonteraka o tlaa nna teng ka nako fa a tlhokega le gore lotlhakore longwe le longwe lo tlhaloganya sentle ke didiriso dife tse di tlaa tlhokegang le go tlamelwa ka lotlhakore longwe le longwe. Borakonteraka bangwe ga ba na ditanka tsa metsi le ditoroko tse e leng tsa bona. Fa o ka se kgone go tlamela ka mothamo wa metsi a a tlhokwang ke “spray rig” sa rakonteraka, tatlhegelo ya nako le nonofo e tlaa tlhola kgotlhang le boitlhobogo mo mefameng yoobedi. 
Ditshenyegelo tsa go nna le didiriso tse e leng tsa gago, le tshiamelo ya go kgatsha ka nako e o e batlang ka heketara di tshwanetse go lekalekanngwa kgatlhanong le ditshenyegelo gotlhe tsa fa tiro e ka dirwa ke rakonteraka. Mosola o o tlaleletsang ke gore gantsi borakonteraka ba le bantsi ba na le kitso ya dikhemikale le metswako ya ditanka e e yang go dirisiwa, kgotsa ba dirisana thata le badiragatsi ba tshelo ya dibolayatlhatshana. 
Go mo dikgatlhegelong tsa gago go baya tiro ya kgatsho efe le efe leitlho ka dinako tsotlhe. Go sa ntse gape go le botlhale go bua le ditlamo tsa dikhemikale di le mmalwa go tshwantshanya ditshenyegelo tsa tshelo tsa dikhemikale ka heketara le go sekaseka seemo sa tirelo e o tlaa e newang. Gakologelwa gore motlamela ka dikhemikale ofe le ofe o theogetse thata mo setlheng, mme o ka nna a se ke a kgona go go tlhokomela go lekane mabapi le thuso ya tswakanyo ya dikhemikale ya ditanka le atejufante le go baya dikelotshelo leitlho. Kwa ntle ga maitemogelo go bonolo, le tota go le maikaelelo a a siameng, go tshela dikhemikale go le gonnye kgotsa go fetisa. 
