Weather									Tswana



Ponelopele ya maemo a loapi a setlha sa ntshodikuno sa selemo sa 2007/2008



Instruksies: 

Folio strap: Maemo a loapi

Byline: Corné Louw, Raikonomi wa temothuo: Ntshodikumo/Ditsenngwateng, Grain SA.

Setshwantsho 1 - Ngwanaitseele

Setshwantsho 2 - Sedimonthole

Setshwantsho 3 - Ferikgong

Setshwantsho 4 - Bothaville

Setshwantsho 5 - Reitz

Setshwantsho 6 - Scheizer-Reneke

Setshwantsho 7 - Bethal

Kgonegalo

Dikgwedi



Pula ya setlha se se fetileng, bogolo segolo paka e e masisi go tswa Ferikgong 2007 go ya Mopitlwe 2007 e ne e le komelelo le go gaisa 1992, fa go ne go tshwaiwa komelelo e e maswe. Go ne go na le dikgaolo dingwe, segolo bogolo go dikologa Gauteng le dikarolo tsa bophirima tsa Mpumalanga tse di itemogetseng komelelo e e maswe go gaisa fa e sale 1912.



Go ya ka rre Johan van den Berg wa ARS, go na le ditshupo tsa tlhagelelo ya La Nina e e maatla. Go solofetswe gore tshusumetso ya La Nina e tlaa itemogelwa bonnye go fittha ka letihabula la 2008. Dipholo tsa se ke gore dikgonegalo tsa dipula tse dintle di kwa godimo thata ka paka e e masisi go tswa Sedimonthole 2007 go ya Mopitlwe, 2008.



Ditshwantsho 1 - 3 di supa dikgonagalo tsa go amogela bonnye pula e e tlwaelegileng. Dikgaolo tse ditshetlha di supa pula ya tlwaelo, tse ditala di supa pula e e kwa godimo gapalogare, fa tse di borokwa di supa pula e e kwa tlase ga palogare. Diponelopele tsa dikgwedi tse di tlang di supa pula ya palogare (losetlha) go ya go feta palogare (botala) e e solofetsweng Dikgonagalo tsa pula di dintel bogolo segolo tsa Sedimonthole 2007 le Ferikgong 2008.



Ditshwantsho 1 - 3: Kgonegalo (%) ya bonneje pula ya kgotsatlaelo.

Bophitshwa: Kwa tlase ga 20% ya pula ya palogare/tlwaelo.

Bophitshwa: 20% - 40% ya pula ya palogare/tlwaelo.

Bosetlha: 40% - 60% ya pula ya palogare/tlwaelo.

Botala: 60% - 80% ya pula ya palogare/tlwaelo.

Bopududu: Go feta 80% ya pula ya go feta thata palogare/tlwaelo.



Ditsholofelo tsa dikgaolo ka bongwe ka bongwe. Kgonegalo ya kamogelo ya pula bonnye 20mm ka paka ya malatsi a le 10 e baleletswe dikgaolo dingwe – se se ka bonwa mo Ditshwantsho 4 - 7. Ditsholofelo tse di thailweng mo palogareng ya pakatelele di supiwa ka bohibidu mme dikgoaolotsa setlha se (2007/2008) di supiwa ka bopududu: Dikgaolo tse dipududu di supa kgonagalo e ntlé ya pula ya fa godimo ga palogare. Go lebilwe tswelelo ya La Nina, Dikgonagalo tsa pula e ntle di mo go Sedimonhole kwiole ya ntlha ya ferikgong le tshimologo ya Tlhakole, 2008 go ya mopitlwe, 2008.



Tshedimosetso e e fa godimo e kgobokantswe ke rre Johan van den Berg wa ARS. Tshedimosetso go ya pele e ka bonwa mo webosaeteng ya Grain SA.

