Water (Maize) 										Setswana

Go tlhaloganya modiko wa metsi



Instructions: 

Folio strap: Tlaleletsoboleng

Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa Ntshodikunong ya Mmidi mo Kaeding ya Nosetso

Photos: Use the water cycle photo

 Use the transpiration photo



Lefatshe le na le mothama o o lekanyeditsweng wa metsi o o tsamayang ka go dikologa o sa eme. Se se itsege jaaka modiko wa metsi kgotsa modiko wa sehaeteroloji.

Modiko o dirilwe ka dikarolokgolo di le mmalwa, e leng:

Mowafalo le phufulelo;

Kgatselo/phokafalo;

Phothoselo (precipitation); le 

Kgobokanyo. 



Mowafalo 

Mowafalo e diragala fa letsatsi le lelofatsa metsi mo dinokeng kgotsa matamong mme metsi a bo a fetoga phufudi. Phufudi e ya metsi e tswa mo nokeng kgotsa letamong mme e tsene mo moweng.



Phufulelo

Phufulelo ke tirego eo ka yona dimela di ntshang metsi ka matlhare a tsona. Phufulelo le mowafalo ke ditirego tse pedi tse ka tsona metsi a busediwang mo moweng.



Kgatselo/Phokafalo

Kgatselo ke tirego eo ka yona phufudi ya metsi e mo moweng e tsidifalang le go fetogela gape go nna seedi le go dira maru.



Phothoselo (kgakologo)

Phothoselo e diragala fa metsi a gatsetse ka bontsintsi mo mowa o sa tlholeng o kgona go a tshwara. Maru a nna bokete thata mme metsi a wela gape kwa lefatsheng ka sebopego sa pula, sefako, serame kgotsa segagane.



Kgobokanyo

Fa metsi a wela gape mo lefatsheng jaaka photlhoselo, a ka wela gape mo lewatleng, matamong kgotsa dinokeng kgotsa a feleletsa a le mo mmung. Fa a feleletsa a le mo mmung a tlaa nwelelela mo lefatsheng le go nna karolo ya “metsi a mo mmung” a dimela le diphologolo di ka a dirisang, kgotsa a tlaa elela ka merwalela le go kgobokana mo melapong, matamong, dinokeng mme kwa bofelong mo lewatleng – mme tirego e e bo e simolola gape.



Goreng dimela di tlhoka metsi?

Metsi a tshola semela se eme tswe! Dirwe tsa semela se se tshelang di le 90% kgotsa go feta ke metsi. Bontsi jwa matute a disele ke metsi mme se se tshola tlhale ya semela e gagametse. Fa semela se tlhaela metsi se a swaba le go lepelela. Tatlhegelo e e tseneletseng e ka tlhola loso.

Metsi a tsidifatsa semela ka tsela ya phufulelo.

Metsi ke matheriale wa go aga, oo mmogo le khabonodaekosaete, dimela di di dirisang go dira dikhabohaetereite.

Metsi ke serarolosi mme se tsamaisa dimenerale tse di rarolositsweng mo mmung go tsena ka medi go ya le semela sotlhe.







