Voice (Maize) 									Setswana 

Lentswe la pitso ya bantshadikuno



Instructions: 

Folio strap: Lenaneotlhabololo la balemirui

Byline: Jane McPherson, Motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Ka nako ya NAMPO 2009, ditokololo tsa 250 Ton Club le bantshadikuno ba ba tsweletseng ba le mmalwa ba ne ba lalediwa go tsena pitso. Go ne go dumelwa gore nako e fitlhile ya gore bantshadikunothoro ba bantsho ba ba tlhabologang ba nne le lefoko le go buisana ka dintlha tse ba bonang di le botlhokwa.

Ka 8 Lwetse, 2009, go ne ga tshwarwa pitso le bantshadikuno ba ba tlhophilweng ka Motsheganong mme go ne ga buisanwa ka dintlha tse di latelang;

Go nna le dipoelo ga temothoro;

Kabosešwa ya lefatshe;

Dikadimo tsa ntshodikuno; le 

Seabe sa puso mo tlhabololong ya bantshadikuno;

Llaeme le fosefeite;

Ntšhwafatso ya tirisometšhine ya temothuo; le 

Tlaleletso mo inšorenseng ya ditsenngwateng.



Go nna le poelo ga temothoro

Go na le potso ya ntlha ya botlhokwatlhokwa e Moaforikaborwa a tshwanelang go e ipotsa – a re batla go itlamela gotlhelele ka dijo, kampo re batla go itsenya mo mathateng a go ikaega ka dijo tse di rekwang kwa ntle? Go nna le poelo ga temothoro go mo kgatelelong e kgolo thata mme e bile go batla go sa kgonege mo bantshadikunong go tswelela go ntsha dikuno. Bantshadikuno ba ntshitse tse di latelang jaaka dintlha tse di kgonegalang go dira poelo e e bokoa.



Kgwetlho 
 
Tharabololo e e kgonegang
 

 
Bantshadikuno ba Aforikaborwa ba ba lemang mo tikologong e ka kakaretso e leng kgwatata, ba patelesega go gaisana le dithoro tse di ntshiwang mo maemong a tlelaemete a a botoka, e bile dingwe tsa tsona di etleediwa ke puso.
 
Aforikaborwa ga a tshwanela go letla dinaga tse dingwe tse di tlhabologileng go re dira thothobolo ya tsona.


 

 
Thoro ke tsela e e tlhotlhwagodimo mme thulaganyo ya ralewee ga e dire ka tshwanelo.
 
Thulaganyo ya thoro ka ralewee e tshwanetse go tlhabololwa.
 

 
Ga go na makgetho a diromelwateng a a ka sireletsang bantshadikuno ba selegae.
 
Makgetho a diromelwateng a botlhokwa go sireletsa bantshadikuno ba rona.
 

 
Ka ditlha tse di siameng, re na le pholo e e fetileng ya mmidi, mme ga go na dijalo tse dingwe tse bantshadikuno ba ka di jalang le go dira poelo – mabele, sonobolomo le dinawa tsa soya di bona thobo e e fetileng, mme tlhotlhwa ya gajaana ya korong, e dira jalo ya yona bokete go jala mo maemong a e seng a nosetso.
 
Go tshwanetse go simololwe “sekema sa phetolelo kwa mafulong” gore ka jalo mebu yotlhe e e bokoa e ntshiwe mo ntshodikunong ya dithoro le go fetolelwa go ya phulo mo ntshodikunong ya nama le tlhale.


 

 

 
Go atolosiwe mebaraka ya dithoro.
 

 
Mekgwatiriso ya temothuo e e siameng le botsweletsopele jwa sethekenoloji di okeditse thobo moo e bileng e fetile tlhokego.
 
Bantshadikuno ba tlhoka go diragatsa mekgwatiriso ya ntshodikuno ya tshugommu e e fokoditsweng kgotsa e e sa dirweng go fokotsa ditshenyegelo.
 

 
Go na le phatlha e e atlhameng thata magareng ga tlhotlhwa e montshadikuno a e bonelang kuno ya gagwe le tlhotlhwa e modirisi a e duelelang dijo – fa motho yo o fa gare a ne a ka dira poelo e potlana, gona montshadikuno le modirisi boobedi ba ne ba ka solegelwa mosola.
 
Go tshwanetse go nne le tshedimosetso gore mongwe le mongwe mo moleng wa dijo a itse ka ga ditsheneyegelo.
 

 
Ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa ditsenngwateng.
 
Mabaka a bokunkutshwana jwa kutlwaneloditlhotlhwa a tlhotlhomisiwe ka botlalo.
 

 
Ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa madi a a adimilweng.
 
Land Bank e adime batho dikadimo tsa ntshodikuno ka dikelomorokotso tse di kwa tlase.
 

 
Ditlhotlhwa tsa dithoro di kwa tlase thata. 
 
Karolotuelo (premium) e ka duelelwa dithoro tse di ntshitsweng ke bantshadikuno ba ba tlhabologang. Se se ka “atswa” ba ba dirang sentle le go ba kgontsha go atologa.
 

 


Kabosešwa ya lefatshe

Bogolo jwa lefatshe le le abilweng sešwa ga bo tlhole bo na le ntshodikuno – diporojeke di gananye.



Dikgwetlho 
 
Ditharabololo tse di kgonegang
 

 
Pharologantsho ya tlhopho. 
 
Pharologantsho ya tlhopho e tshwanetse go akaretsa katiso le maitemogelo a temothuo mo malobeng.
 

 
Bopaki jwa bokgoni le boineelo ka bajaboswa ba ba akanngwang.
 
Go rotloetsa seabe sa mekgatlho ya dikuno mo tlhophong ya bajaboswa gammogo le mo kemonokeng ya bantshadikuno. 


 

 
Kemonokeng ya baamogedi. 
 

 

 
Bathati mo Lefapheng la Merero ya Mafatshe ga ba tlhaloganye temothuo.
 

 

 
Boradipolotiki ga ba itse temothuo.
 

 

 
Theboloditirelo e e bonya – ditheko tse dintsi di gananye. 
 
Ditirego tsa tsamaiso di tshwanetse di tseleganngwe le go tsamaisiwa ke batho ba ba nang le kitso. 
 

 
Tuelelo e e bonya ya lefatshe. 
 
Ditirego tsa tsamaiso di tshwanetse di tseleganngwe le go tsamaisiwa ke batho ba ba nang le kitso. 
 

 
Dipholisi tse di tlholang di fetofetotswe. 
 
Se se ithutilweng mo tiragatsong se tshwanetse go diragadiwa. 
 

 
Lefatshe le le losi, ga le a lekana. 
 
Ditlhokego tse dingwe jaaka loruo, metšhine le molato wa ntshodikuno di tshwanetse di nne teng fela di tloga.
 

 


Dikadimo tsa ntshodikuno 

Bantshadikuno ba iphitlhela ba le mo thateng ya boutlwelobotlhoko jwa ditheo tsa kadimo tse keletsokgolo ya tsona e seng sepe fela fa e se poelo.



Dikgwetlho 
 
Ditharabololo tse di kgonegang
 

 
Bantshadikuno ba fisegela go bona kadimo, mo e bileng ba se nang maatla a boipuelelo, e ka nna mo kelong ya morokotso, kgotsa mo tlhotlhweng ya ditsenngwateng tsa bona. 
 
Land Bank e tshwanetse go thusa bantshadikuno ka matlole ka tlhamalalo gore ba kgone go ipuelela go bona diphokoletso tse dikgolo.
 

 
Bantshadikuno ga ba engwe nokeng le go gakololwa sentle ka thekiso ya dithoro tsa bona.
 
Bantshadikuno ba tlhoka kgakololo e e ikanyegang ka mebaraka ya dithoro.
 

 
Ditheo tsa matlole di adima fela madi a di a bonang go tswa Land Bank le IDC fela ga di robe mesola ya dikelo tsa morokotso tse di kwa tlase. 
 
Go tshwanetse go nne le go nna mo pepeneneng mabapi le dikelo tsa morokotso. 
 

 
Ka dinako dingwe dikadimo di rebolwa thari.
 
Dikadimo di tshwanetse go rebolwa go sa le gale go letla bantshadikuno go ipaakanyetsa dijalo sentle.
 

 
Diphokoletso go tswa ditlamong tse di tlamelang ka ditsenngwateng ga se gantsi di fetisediwang kwa bantshadikunong. 
 
Bantshadikuno ba ba tlhabologang ba tshwanetse go ungwelwa mo diphokoletsong. 
 

 


Seabe sa puso

Makgetho a diromelwateng a tshwanetse go tlhongwa go sireletsa bantshadikuno ba selegae.

Puso e tshwanetse go rwala ditshenyegelo tsa 35% tsa ditshenyegelo tsa ntshodikuno tse gajaana di sa akarediwang ke inšorense ya ditsenngwateng.

Go tshwanetse go nne le ketleetso ya mmuso go fetolela mebu e e swagafetseng kwa jalong ya phulo.

Puso e tshwanetse go duelela tshelo ya llaeme ka tshiamiso ya pH ya mmu.

Puso e tshwanetse go duelela tshelo ya fosefeite koo dilekanyo tsa fosefeite di leng kwa tlase teng.

Mananeo a kemonokeng mo bantshadikunong ka mafapha a a farologaneng a tshwanetse go gokaganngwa.

Kadimo ya balemisi go mekgatlho ya dikuno e tshwanetse go akanngwa go tokafatsa theboloditirelo.

Go tshwanetse go elwe tlhoko thusosešwa ka matlole le tsosoloso ya didiriso tsa temothuo.

Dikarolo tsa tshomarelo ya naga le mmu mo Lefapheng la Temothuo di tshwanetse go matlafadiwa le go nonontshiwa.

