VAT (MAIZE)								Tswana



Lekgetho la Tlaleletsoboleng – a ke o ikwadise?



Instructions : 

Folio Strap : Go tlaleletsa boleng

Byline : Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Mo dingwageng tse nne tse di fetileng re ntse le dikgannyana di le mmalwa ka VAT. Fela re sa tswa go lemoga gore ke bantshakuno ba le mmalwa fela ba ba ikwadiseditseng VAT.



Ke tlaa boelwa ke eng fa ke ikwadisa?

Ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tsa ntshokuno ya dijalo di kwa godimo thata mme bantshakuno ba tshwanetse go dira gotlhe mo ba ka go kgonang go fokotsa ditshenyegelo tsa ntshokuno. Nngwe ya ditsela tsa go dira se ke go ikwadisetsa VAT.



VAT e kgethisiwa mo ditsenngwatennye tsa ntshokuno – peo, monontsha, dikhemikale, dithulo le tlamelo, j.j. Se ke 14% ya ditshenyegelo tsa ditsenngwateng. Fa e le gore o ka tswa o dirisa R4 000 ka heketara mo ditsenngwatennye tsa ntshokuno, VAT mo madding ao ke R560 ka heketara. Fa o ikwadiseditse VAT, o ka kgona go lopa madi gape go tswa go Ditirelo tsa Lekgetho tsa Aforikaborwa (SARS). Ke madi a mantsi thata ka heketara, mme ka nako e, a feta poelo e bontsi jwa bantshakuno ba e dirang. Fa o sa ikwadisetsa VAT, gona go na le kgonagalo ya gore ga o ne o kgona go dira poelo mo temodithorong ya gago.



Go reng bantshakuno ba sa batle go kwadisa?

Lengwe la mabaka a gore goreng bantshakuno ba sa batle go ikwadisetsa VAT ke gore go tlaa tlhokega go tshola rekoto tse di siameng ka gore SARS e kgona go tlhatlhoba dibuka tsa bona nako nngwe le nngwe. Fa o tlhoafetse ka go nna kgotsa go batla go nna montshakuno wa mogwebi, go botlhokwa thata go tshola direkoto tse di siameng. O tlhoka go itse ditshenyegelo tsa ntshokuno tsa gago, dipoelo le gore madi a ya kae.



Gantsinyana bantshakuno ba latofadiwa ka go efoga kgotsa go ikgatholosa tuelolekgetho – ba tsamaisa ikonomi ya madi a seatleng a a se nang motlhala wa pampiri gope. Se ga se mokgwatiriso o o siameng ka ntlha ya mabaka a le mabedi: Sa ntlha ke tlolomolao wa lefatshe le go gweba kwa ntle ga go bega ditiro tsa gago kwa SARS. Sa bobedi ga o ne o kgona go tsaya ditshwetso tsa kgwebo tse di lolameng fa o sa kgone go latedisa lotseno le ditshenyegelo tsotlhe tsa gago. Gakologelwa gore rotlhe re dirisa ditirelo go tswa pusong, e bile ke maikarabelo a moagi mongwe le mongwe mo nageng go tshwaela mo lotsenong lwa naga. Re ka se ka ra efoga go duela lekgetho, fa re itumelela mesola yotlhe e e duelelwang ka makgetlho. Gakologelwa gore puso e dirisa makgetho go duelela ditsela, dikolo, ditirelo tsa pholo le sepodisi, jj.



Fa e le gore o tlhoafetse ka go nna montshakuno wa mogwebi yo o itshegeleditseng – ikwadisetse VAT le Lekgetho lwa Lotseno.

