Value											Tswana



Dintlha tse di tlhotlheletsang boleng jwa lefatshe la temothuo



Instructions:

Folio Strap: Dintlha tsa lefatshe

Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa Kaeding ya Botsamaisi jwa Kgwebo ya Temothuo



Go ya ka setso boleng jwa lefatshe la temothuo bo ne bo ikaegile ka bontshadikuno jwa temothuo. Mo dikgaolong tse di kgakala thata le ditoropo, balemirui ke bona ba sa ntseng ba reka bontsi jwa lefatshe la temothuo koo dipoelo tsa bofelo mo ditirisong tsa temothuo e leng kaedikgolo ya boleng jwa polase.



Dikelo tsa morokotso tse di kwa godimo kgotsa kwa tlase tsa gajaana le tsona di tlhotlheletsa balemirui ka gore balemirui ba bantsi ba bereka ka lotseno lo lo adimilweng ka bontlhanngwe kgotsa lotlhe. Dipeeletso tsa kapetlele mo dibopegong le ditokafatso tsa polase le tsona di na le tlhotlheletso kgolo mo botennye jwa lefatshe la temothuo.



Lotseno go tswa mo go nneng mong wa lefatshe la temothuo le ka bonwa ka:

Ntshodikuno ya dikunothoto tse di farologaneng ka modirisi yo e leng mong;

Khirisetso ya lefatshe la dijalo kgotsa phulo go modirisi yo mongwe; le 

Go tsena mo thulaganyong go lema ditele le balemi ba bangwe.



Go dira lotseno ka go nna mong wa lefatshe ka jalo go na le dikarolo di le pedi:

Tiriso ya go ntsha dikuno ya pakakhutshwane le pakatelele jaaka fa godimo; le 

Poelo ya khapetlele ya pakatelele e e amanngwang le koketsego ya boleng jwa lefatshe mo tsamaong ya nako.



Dipoelo tse tsa pakatelele di sa ntse gape di ikaegile ka selekano sa phesente ya dipoelo go tswa tirisong ya go ntsha dikuno, eo e itemogelang dipoelo tsa ikonomi tse di kwa godimo le kwa tlase go ya ka mediko ya nako. Ka kakaretso boleng jwa lefatshe bo ntse le go oketsega mo tsamaong ya nako mme tlwaelo ya lefatshe ka bophara ke gore lefatshe le le nang le kgono ya ntshodikuno le ruiwe ke batho ba le mmalwa fela. Ka jalo go nna bokete mo balemiruing ba bantšhwa go bona lefatshe mo pakeng e khutshwane le go le duelela ka ntshodikuno e e nonofileng. Seemo le gale se ka farologana fa lefatshe le ka bonwa ka theko ya kabo (LRAD), kgotsa ka go jewa boswa, kgotsa ka kadimo ka dikelo tsa morokotso tse di etleediwang (jaaka go ntse ka thulaganyo e tshikinngwang e ntšhwa ya Lefapha la Merero ya tsa Mafatshe e e bidiwang Proactive Land Acquisition Scheme (PLAS).



Khiriso ya lefatshe e fetogile go tswa mo tseleng ya balemi ba ba simololang go tsena mo temothuong le mo tseleng ya balemirui ba ba itshetletseng go bona lefatshe la tlaleletso le go atolosa kgwebo ya bona ya temothuo. Se se tshwanetse go akanngwa thata mo lefatsheng le lentsi le le sa dirisiweng ntswa go na le balemirui ba bantsi ba ba kgonang ba ba tlhokang lefatshe le ba ka dirang temothuo ka poelo mo go lona. Khiro e letla balemirui go atolosa kgwebo ya bona kwa ntle ga sekoloto le tiriso ya khapetlele e e tsamaelanang le bong.



Gakologelwa: Go a kgonega go dira temothuo kwa ntle ga go nna mong wa lefatshe ka go hira, go nna mo lefatsheng la morafe kgotsa go lema ditele.



