Tyres 2 (Maize)									Tswana



Go tlhokomela dithaere tsa gago



Instructions:

Folio Strap : Dithaere 

Byline : Kgannyana ka Goodyear 

Photos : Dirisa ditshwantsho tsa dithaere 

Dirisa letshwaomoono la Goodyear 



Dithaere tsa mo polaseng ga di tlhotlhwatlase, fela go na le melawana ya botlhokwa e e ka latelwang go boloka peeletso ya gago le go tokafatsa botshelo jwa dithaere tsa gago.



Go kgweetsa ka dithaere tse di tletseng thata kgotsa di sa tlalang sentle go tlhola konalo e e boitshegang, go dira ngodiego ya tlaleletso mo mmeleng wa thaere le go tlhola tshenyego e e iseng e lebelelwe – kgato e e tlhotlhwagodimo go gaisa!



Ka jalo go botlhokwa go nyalanya kgatelelomowa ya thaere go ya ka maemo a a gona, le go tlhola kgatelelomowa gangwe le gape. Se se tshwanetse go dirwa gangwe kgotsa gabedi ka beke, mme o gakologelwe go baakanya kgatelelomowa ya thaere fa e ne e nyalantsheditswe morwalo o o bokete kgotsa ditiro tse di kgethegileng.



Go ntse go ntse jalo, tlhatlhoba makwapa le mabota go bona tshenyego e e ka nnang teng kgotsa paterone ya dikonalo tse di sa tlwaelegang; gonne se se ka supa go dutla mowa, kgatelelomowa e e fosagetseng, mathata a sasepenšene kgotsa jiometeri ya leotwanakgweetso e e sa nyalanngwang sentle.



Go netefatsa gore thaere e taboga ka kgatelelomowa e e tshwanetseng go tlaa tlamela ka kgogo e e feteletseng, kgotlelelo e e oketsegileng, tokafalo e e oketsegileng ya tiriso ya leokwane, e bile go tlaa nolofatsa go bona go dutla mo isagweng. Gakologelwa go tlhola kgatelelo fa thaere e sa ntse e le tsididi, pele o kgweetsa terekere kgotsa serori, ka gore mogote o o tlhagisiwang ke go kgweetsa o tlaa feleletsa o okeditse kgatelelo le palelo e e fosagetseng.



Paakanyo ya thaere – dirisa moitseanape!

Goodyear e atlanegisa gore go tsenya le go baakanya thaere go tshwanetse go diriwe ke modiri yo o katisitsweng, ka gore ke tiro e e nang le kgonagalo ya go tlhagisa kotsi. Sekao, fa morumo wa thaere o sa nna ka tshwanelo mo remeng, kgatelelo ya pompelo e e kwa godimo mo teng ga thaere e ka thuba morumo kgotsa reme ka maatla a thunyo. Go tlaleletsa, go tlhoka go nna sentle go ka baka go dikologa (spinning) ga thaere mo maemong a modikologo o o kwa godimo, mo go ka tlholang go senyega ga thaere, mme le serori.



Kopano ya thaere le leotwana e tshwanetse ka nako ya go pompelwa e nne mo kheijing e e babalesegileng e le kgato ya thibelopele, mme foo go dirilweng paakanyo mo tšhupung ya thaere e e dutlang, se se tshwanetse go tsewa e le paakanyo ya nakwana.



O se ke wa pompela gape thaere e e tsamaileng e patlame kgotsa e sa tladiwa sentle kwa ntle ga go e ntsha pele le go bona gore a ga e a senyega, kgotsa go e isa go sekwasekelwa seno – le go baakanngwa ke moitseanape wa dithaere.



Dintlha tse dingwe tsa botlhokwa go di gakologelwa ke tse: ka gale khurumela belofo ya thaere ka sekhurumelo sa lorole; o seke wa itaya thaere kgotsa reme ka hamore fa kopano e sa ntse e tletse mowa; o se ke wa dirisa tšhupu mo thaereng e kgolo kgotsa potlana go na le ka fa go laetsweng; efoga go dirisa ditšhupu tse di mataraganeng kgotsa tsutsubaneng; tlhomama fela mo bogolong jwa direme jo bo atlanegisitsweng ke modiri; e bile o se ke ka gope fela wa leka go thula, go momaganya (weld), gotetsa kgotsa boreisa direme tse di senyegileng.



Poloko e e babalesegileng

Le mororo Goodyear e dirisa dimethiriale tse di sireletsang kgatlhanong le tshenyego ya thaere, raba e na le mokgwa wa go monyela oli, kirisi, leokwane le ditlhaolosi tse dingwe, mme gape e onadiwa go ya pele ke go nna mo mogoteng le mo leseding.



Ka jalo dithaere di tshwanetse go bewa mo kgaolong e e tsiditsana, phepa le lefitshwana, gape kgakala le metšhine e mengwe jaaka dikoloi, dijenereitara le dimomaganyi ka gore gase e e kgwiwang ke didiriso tse di jalo e tlhola maphanyego mo rabeng mme, kwa bofelong, go ganana ga mmele wa thaere. Go sa le jalo, tlhatswa dikhemikale dingwe le dingwe mo dithaereng morago ga go dirisa terekere mo ditirong tsa kgatsho.



Go boloka dithaere tse di tsentsweng mo diremeng mme di se mo motšhineng, fokotsa kgatelelo go nna 10 psi le go di boloka di gatile ka makwapa. Dithaere tse di seng mo diremeng di ka bolokwa di tlhatlagantswe ka go lekalekana ka dimpa, fela di se ke tsa ya bogodimo jo bo ka utlwisang thaere e e kwa tlase botlhoko.



Mo motšhineng kgotsa sedirisong mo polokelong mo dipakeng tse ditelele, pega serori mo dibolokong go tsholetsa dithaere gore di se ke tsa kgoma lefatshe. Fa se se sa kgonege, oketsa kgatelelomowa ya thaere ya gale ka 25% go fokotsa go tswa mowa mme gangwe le gape o tsamaise serori go fokotsa ngodiego mo kgaolong ya thaere e e kgomileng mmu.





