Tyres (Maize)									Tswana



Dithaere: ditlhabomalotsana tsa kgweetso tse di mosola



Instructions:

Folio Strap : Dithaere 

Byline : Kgannyana ka ba ga Goodyear 

Photos : Karolo ya 4 “pic” le 11 Optitrac DT818

Dirisa letshwaomoono la Goodyear 



Go itse gore o ka bona se se gaisang jang mo tirisong ya dithaere tsa gago tsa mo polaseng ga go ne go tshwaela fela mo tokafatsong ya tshireletsego fela gape go tlaa fokotsa ditshenyegelo tsa tiragatso le go lekanyetsa tshenyo mo mmung le dijalong.



Kgweetso ya mo polaseng e tlaa ka motseletsele o o feletseng wa maemo a tiragatso – sengwe le sengwe go tswa mo go lemeng masimo go ya kwa go gogeng tereilara mo ditseleng tsa sekontere. Fela jaaka maemo a farologane, go na le melawana ya botlhokwa mengwe e e tshwanetseng go latelwa.



Malebana le dithaere, dingwe tsa dintlha tsa botlhokwa ke go nyalanya mofuta wa thaere le tiriso e e ikaeletsweng (seretse, motlhaba, j.j), go tlhomama mo dikaelong tsa modiri wa serori mo bogolong jwa dithaere le kgethelo le, se se botlhokwa go gaisa, go nyalanya tlatsomowa ya thaere go ya ka boima jwa morwalo le maemo a boalo jwa lefatshe le go dirwang mo go lona.



Ke mowa fela o o mo thaereng o o e kgontshang go rwala morwalo, mme badiri ba dithaere jaaka Goodyear ba tlhomamisa makesimamo ya dikelothwalo tsa thaere nngwe le nngwe mo ditekanyetsoboleng tse di kgethegileng.



Nyalanya tlatsomowa ya thaere le thwalo ya thaere. 



Go pega serori morwalo o o boimaima kwa ntle ga go nyalanya kgatelelomowa go tlaa tlhola tshenyego le konalo tsa thaere tse di boitshegang, ka go dira jalo go fokotsa thata tiragatso le botshelo jwa tiriso.



Thaere e e pegilweng boima jo bo fetileng kgotsa e pompeletswe kwa tlase e tlaa pharama kgotsa e obege mo go maswe mo maemong a a jaana, ka kgonagalo ya go phanyega mo karolong e e kwa godimo ya lobotanathoko, le go onala ka bonako, mo meleng e e ka fa ntle. Dithaere tsa “bias” kgotsa “crossply” gantsi di ganelela go tswa dimpanyana mo matlhakoreng fa di dirisiwa mo maemong a kgweetso ya “torque” e e kwa godimo, ka go dira jalo go senye mmele wa thaere. Gape kgatelelo e e kwa tlase le yona e ka dira gore thaere e relele mo riming, e kgaole belofo mo thaereng e e nang le tšhupu le ka kakaretso go senya kagego ya thaere.



Go ntse jalo, tlatsomowa e e feteletseng e dira gore thaere e nne potokwe thata, le konalo e diragala thata mo bogareng. Gape e fokotsa kgaolokamano ya thaere le lefatshe, le go ama kgogo bosula le go oketsa sebaka sa go relela ga thaere go go senyang makwapa le go epa mmu.



Fa o patelesega go kgweetsa terekere mo mokgokoloseng wa lekgabana, kgatelelo ya tlatsomowa ya thaere e tshwanetse go okediwa go fitlha go 30% ya kgatelelo ya motheo (go ya fela ka mothulama) go tlamela ka tlhomamo e kgolwane. Se se ama fela kgweetso ya dithaere tsa morago – thaere ya moelamongwe fa o kgweeletsa ntlha e le nngwe, kgotsa tsoopedi fa o kgweeletsa dintlheng tse di fapaaneng.



Go botlhokwa go gakologelwa go tshuisetsa kgatelelo e e fokoditsweng kgotsa okeditsweng fa o fetola maemo a tiragatso, jaaka fa o haka tereilara kgotsa sediriso kgotsa go kgweetsa ka lebelo mo tseleng ya sekontere.



Kokobalo le phato



Le mororo kgatelelo ya mowa e le botlhokwa thata, go dira ka thaere ya mothamo wa mowa o o farologaneng go ka nna le tlhotlheletso mo ingaparelong le mo mmung. Foo mmu o o ka fa tlase, dimela le dibopego tsa medi di leng tsa botlhokwa jo bo kgethegileng, go molemo go dirisa thaere e kgolo (ka bophara le / kgotsa molagare) o dira ka kgatelelo e e kwa tlase. Se se tlaa kgontsha serori go rwala morwalo o o tshwanang go tshwantshanya le thaere e nnye ka kgatelelo e e kwa godimo, fela se fokotsa go sega metlhala e e boteng mo mmung, kgotsa se se itsegeng jaaka phato (compaction).



Fela jalo le mo boalong jwa motlhaba, sebopego se sa thaere se tlaa kgontsha kgogo e e oketsegileng jaaka thaere e anamisa morwalo mo kgaolong ya boalogodimo e kgolwane mme ka tota e “kokobala” mo godimo ga mmu go na le go nwela mo go ona.



Go dirisa mokgwa wa kgogo wa maotomane mo terekereng (fa o le teng) go mosola mo maemong a ngaparelo e e kwa tlase, fela go tshwanetswe go efogiwe mo ditseleng tsa sekontere kgotsa maalogodimo a karabole a a thata ka gore go tlhola konalo ya dithaere tse di kwa pele ya ka bonako le go sa lekalekaneng, go dira taolo ya serori bokete mme go tlaa tlhola mathata a a oketsegileng mo dikarolwaneng tsa serori.



