Training (Wheat) 									Setswana 

	

Grain SA e neela katiso efe?



Instructions: 

Folio strap: Katiso

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA

Add pie charts



Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA le na le maitlhomo a go tlhabolola bantshakuno ba bagwebi ba bantsho ba ba nang le bokgoni. Ntshokuno ya bogwebi ya mmidi, sonobolomo, korong le mabele, e tsenyeletsa mekgwatiriso ya ntshokuno, thekiso, tirisometšhine le tsamaiso ya motheo.



Mathata a magolo a bantshakuno ba ba tlhabologang ba lebanang nao ke a a latelang (kgotsa ka tatelano e e kgethegileng e):

Go sa nneng le poelo ya ntshokunothoro e e seng ya nosetso mo Aforikaborwa;

Tlhaelo ya kitso, bokgoni le maitemogelo;

Tlhaelo ya matlole a ntshokuno;

Tlhaelo ya tirisometšhine e e lekaneng; le

Mabaka a a tsamaelanang le lefatshe le thuolefatshe.



Khoso ya tlhagiso (tshimologo)

Dikhoso tsa ntlha tse re di tlhabolotseng mo lenaneong la rona e nnile: “Tlhagiso mo Ntshokunong ya Mmidi” “Tlhagiso mo Ntshokunong ya Sonobolomo”, “Tlhagiso mo Ntshokunong ya Mabele”, le “Tlhagiso mo Ntshokunong ya Korong”, tse di neng di tsenyeletsa dintlha tsa ntshokuno tsa motheo. Dikhoso tse di na le dimojule tse di latelang:

Mmu le tlelaemete;

Popegommele ya semela;

Ditlhokego tsa dikotla tsa semela;

Jalo ya dijalo;

Mefero le taolomefero;

Disenyi le malwetse; le 

Tsholodirekoto 



Jaaka montshakuno yo o tlhabologang, re tsikinya gore o simolole ka nngwe ya dikhoso tse, go ya ka dijalo tse di jalwang mo kgaolong ya gaeno. Fa o sa simolole ka khoso e, o tlaa iphitlhela o kgaratlhela go samagana le diteng tsa dikhoso tse di latelang mme o tlaa diegisa tswelelopele ya baithuti ba bangwe mo setlhopheng.



Khoso e e tsweletseng ya Ntshodikuno le Thekiso ya Mmidi

Selekano sa tshedimosetso e e leng gona ka go dira temothuo ya bogwebi e aname thata, mme mo tlhamong ya khoso nngwe le nngwe, re ntse le mathata a go itse gore re tlogele eng mo khosong, gonne ruri go gontsi thata mo serutweng sengwe le sengwe go ka akarediwa dingwe tse re bonang gore di tshwanetse go akarediwa mo kgatong nngwe le nngwe. Re fitlhetse gore ga re a kgona go akaretsa dintlha tsa botlhokwa tsotlhe tse di amanang le ntshokuno le thekiso mo khosong ya ntlha, ka jalo ga tlhamiwa “Khoso e e tsweletseng ya Ntshodikuno le Thekiso ya Mmidi”, Khoso e e tsenyeletsa dimojule tse di latelang:

Tlhagiso – poeletso ya khoso ya tlhagiso 

Tlhagiso mo mekgwatirisong ya tshugommu;

Didiriso le botlhokwa jwa tsona mo ntshokunong ya dijalo;

Tsamaiso ya monono wa mmu;

Taolo ya mefero le disenyi ka dikhemikale;

Thobo, tshwaro le poloko ya dithoro;

Thekiso ya dithoro; le 

Inšorense ya dijalo le tsamaisotaolo ya mathata.



Khoso e e Tsweleletseng ya Ntshokuno ya Mmidi ke ka setegeniki se se kwa godimo thata ka monono wa mmu le botlha jwa mmu. Fa o tshwanelwa ke go tswelwa mosola ke khoso e, o tshwanetse wa bo o tsenetse khoso ya tlhagiso e bile o setse o ntshetsa mmaraka dithoro. Boammaaruri ke gore tota khoso e ga se ya montshakuno yo mmotlana kgotsa wa mojelaganong.



Khoso ya Balemisi ya Tlhagiso mo Ntshokunong ya Mmidi 

Go na le balemisi ba le bantsintsi ba ba direlang Mafapha a Temothuo a a farologaneng mme ba tshwanetse ba bo ba rebolela bantshakuno tirelo ya bolemisi. Bomadimabe bontsi jwa batho ba ga bo a katisiwa le go nna le maitemogelo mo mofameng wa ntshokunothoro. Bangwe ba na le thutego ya dikwalo e e lekaneng, fela ba tlhaela maitemogelo a tiragatso, a a leng botlhokwatlhokwa mo temothuong. Re tlhamile khoso : “Khoso ya Balemisi ya Tlhagiso mo Ntshodikunong ya Mmidi”. Re setse re neetse balemisi dikhoso tseno di le dintsi thata, mme re gatelela thata ntlha ya tiragatso ya ntshokunothoro – re dumela gore se se tshwaetse thata mo neelong ya ditirelo ya balemisi bano. 



Khoso ya Tlamelo ya Terekere le Didiriso tsa Polase 

Nngwe ya dintlha tsa botlhokwa thata ya ntshokuno ya mmidi ya bogwebi e ama diterekere le didiriso. Re lemogile gore maemo a bontsi jwa didiriso tse di dirisiwang ke bantshakuno ba ba tlhabologang ke a kemo e e maswe ya bokgoropa – ke ka moo go nang le khoso ya “Tlamelo ya Terekere le Didiriso tsa Polase”. Khoso e e na le dimojule tse di latelang:

Didiriso (tools) le pabalesego;

Dienjene – di dira jang;

Metseletsele ya maatla; 

Dibering le disili;

Difenebelete le ditšheine;

Dithaere le makwapa;

Dihaeteroliki;

Tlamelo ya terekere;

Ponophoso (troubleshooting); le 

Didiriso tsa polase. 



Khoso e, e tshwanetse go dirwa ke mongwe le mongwe yo o akanyang go nna montshakuno wa mogwebi – o tlhoka go tlhaloganya sediriso sa gago gore o tle o kgone go se tlhokomela sentle. Tirisometšhine e e siameng ke nngwe ya dilotlele tsa go ya ntshokunong ya bogwebi. Ga o kitla o kgona go nna montshakunothoro wa mogwebi yo o itshegeleditseng fa o sa tshole diterekere le didiriso tsa gago sentle.



Khoso ya borakonteraka

Re lemogile gore go na le bantshakunopotlana, bogolosegolo kwa Kapabotlhaba, ba ba se nang diterekere le didiriso tse e leng tsa bona (Massive Food Scheme la Lefapha la Temothuo kwa Kapabotlhaba, le ne le dirisa borakonteraka thatathata bao gantsi ba neng ba sa dire tiro e e duleng mabogo). Re ne ra lemoga gore go tlaa nna mo dikgatlhegong tsa bantshakuno ba mmidi go nna le khoso eo mo go yona re tlaa oketsang go tlhaloganngwa ga borakonteraka ka “bo-goreng le bo-kae”, ba ditiro tse di farologaneng. Re ne ra tlhama “Khoso ya Borakonteraka”, e e tsenyeletsang dimojule tse di latelang:

Go tsaya konteraka ya temo;

Mmu le botlhokwa jwa ona mo ntshokunong ya dijalo;

Tshugommu le botlhokwa jwa yona mo ntshokunong ya dijalo;

Go jala dijalo;

Go kgatshetsa taolo ya mofero le disenyi; le 

Tlamelo ya terekere.



Mo lenaneong la rona, re kgatlhanong thata le tiriso ya borakonteraka ka ntlha ya mabaka a a latelang:

Ba oketsa ditshenyegelo tsa ntshokuno;

Gantsi bantshakuno ba dira sengwe le sengwe thari ka gore rakonteraka a sa itekanya morwalo; le 

Borakonteraka gantsi ga ba dire tiro ya seemo se se eletsegang.



Go na le mabaka le gale foo masimo a montshakuno a leng mannye gore o ka nna le terekere e e leng ya gagwe, ka jalo tiriso ya rakonteraka e tlhokegang. Re solofela gore ka go neela borakonteraka ba temothuo Khoso ya Borakonteraka, ba tlaa tlhaloganya botlhokwa jwa go dira ditiro tsa tshugommu tse di nepagetseng, ka diemo tse di tshwanetseng, ka nako e e tshwanetseng le ka tlhotlhwa e e utlwalang mo montshakunong. Fa montshakuno a sa rebole tirelo ya matlole, rakonteraka le ena o tlaa bo kgwebo ya gagwe e se na isagwe.



Khoso ya Thulaganyo ya Polase le Tshekatsheko ya Metswedithuso

Pele ga 1994, bontsi jwa bantshakuno ba bantsho bo ne bo lema mo dinagamagaeng tsa maloba. Morago ga 1994, bantshakuno ba bantšhwa ba le bantsi ba ne ba bona go fitlhelela lefatshe la temothuo. Ka bomadimabe bantshakuno ba bantsi ga ba lemoge matswakabele a go dira temothuo le gore ga se mafatshe otlhe a a siametseng mefuta yotlhe ya temo. Re itemogetse gore bantshakuno ba batla go jala mmidi mo dikarolong tsotlhe tsa Aforikaborwa, koo tota mehuta ya mmu le dipaterone tsa go na ga pula di sa tshwaneleng ntshokuno ya poelo. “Khoso ya Thulaganyo ya Polase le Tshekatsheko ya Metswedithuso”, e diretswe go thusa bantshakuno go sekaseka metswedithuso e ba nang nayo mme ba rulaganye gore ba ka e dirisa botoka jang gore ba kgone go dira temothuo ka poelo le itshegeletso. Morago ga go dira dingwaga le bantshakuno bangwe ka ditlhophathutano, re ne ra simolola ka “Lenaneo la Balemirui ba ba Tsweleletseng” le le kgontshang bagokaganyi ba diporofense go tsepamisa mogopolo mo palong ya bantshakuno bangwe ka go dira le mongwe le mongwe ka sebele. Fa le gona re lemogile gore bantshakuno ba ne ba sa dirise metswedithuso e ba nang le yona ka botlalo, mme ba tlhoka kemonokeng go ba thusa go tsepamisa mogopolo mo dintlheng tse dikgolo tse di atlegisang temothuo. Khoso e, e tsenyeletsa dimojule tse di latelang:

Tlhagiso (tshimologo ya tshugo, dijalo di gola jang, tsadiso ya dimela, mmidi, botso jwa temothuo);

Thuolefatshe le tsamaiso ya lona;

Tshekatsheko ya metswedithuso – popego le semekhenike;

Tshekatsheko ya metswedithuso – khepetlele le batho;

Go diragatsa thulaganyo ya metswedithuso; le 

Dikgaolo tsa tiragatso tse dikgolo.



Khoso ya Tlhabololo ya Bokgoni ya Tiriso 

Mafapha a Temothuo a Diporofense a na le palo e ntsi ya balemisi ba ba nang le kitso ya dibuka ya temothuo, mme ba batla gotlhelele ba se na kitso kgotsa bokgoni jwa tiriso. Mo leetong lwa tirego ya go katisa bantshakuno, re dirisane thata le Lefapha la Temothuo, mme re ba neile dikhoso tse dintsi. Go ya ka rona, fa re ka matlafatsa balemisi ka kitso e e tlhokegang re tlaa kgona go thusa bantshakuno ba bantsi thata, le go isa bontsi jwa bona kwa bontshakunong jwa kgwebo. Ga re tlhakanye bantshakuno le balemisi mo khosong mmogo, ka gore balemisi ba tshaba go botsa dipotso tse di ka ba upololang fa pele ga bantshakuno. Le mororo dikhoso tsa rona tsotlhe di tsenyeletsa ditshupetso tsa tiragatso mo dithapameng, re lemogile gore balemisi ga ba ise ba kgone go dira dikhaliboreišene fa ba tlogetswe go dira ba le bosi. Ka jalo re ne ra tlhama “Khoso ya Tlhabololo ya Bokgoni ya Tiriso” e e tsenyeletsang dimojule tse di latelang:

Thulaganyo ya semeteriki;

Tlhomamiso ya kgaolo;

Kgonegoboleng ya mmu;

Khaleboreišene ya polantere le tlamelo; le

Khaliboreišene ya sekgatshi sa “boom” le tlamelo.



Khoso ya Motheo ya Paakanyo ya Enjene

Bontsi jwa bantshakuno ba ba tsenetseng Khoso ya Terekere le Didiriso tsa Polase ba ne ba kopa khoso e e tlhatlhamang e, e e tla ba kgontshang go tlhaloganya dintsanantsana tsa paakanyo ya enjene. Bantshakuno ba bantsi ba jelwe ntsoma ka ntlha ya go tlhoka kitso mabapi le dipaakanyo tsa enjene le metseletsele ya maatla. “Khoso ya Motheo ya Paakanyo ya Enjene” le metseletsele ya maatla. “Khoso ya Motheo ya Paakanyo ya Enjene” e ne ya tlhamiwa mme e tsenyeletsa dimojule tse di latelang:

Pabalesego, dithulusu tsa diatla le setegeniki;

Dikarolo tsa enjene;

Go bona diphoso;

Tlhatlhamololo le tomaganyo ya enjene;

Teko ya ntshomaatla ya enjene; le 

Ditotobatso (specifications).

 

Go tshwanetse go gatelelwe fano fa gore Khoso ya Motheo ya Paakanyo ya Enjene, ga e leke go katisa bomakhenike. Khoso e, sa yona ke go lemotsha moithuti ka dikarolo tsa enjene le gore di lomagana jang. Go baakanya enjene ke tiro ya botegeniki jo bo kwa godimo e bile ke fela batho ba ba rutegileng ba ka lekang go dira se. Dipaakanyo tsa enjene le kerebokoso di tura mo go maswe, mme go bonolo go senya madi fa o se na kgono e e tletseng.



Dikhoso tsa Ntshokuno ya Mmidi le Garase mo Nosetsong

Jaaka go ntse ka lenaneo lengwe le lengwe, fa batho ba lemoga ka tiro e e dirwang, ditlhokego tse dingwe di a tlhagelela. Go na le bantshakuno ba le bantsi mo kgaolong ya Taung/Hartswater ba ba nang le masimo a nosetso, gammogo le dikgaolo dingwe tsa Bokonebophirima le Foreisetata. Le mororo ditheo tsa ntshokuno ya mmidi di sa ntse di tshwana, go sa kgathalasege gore a go jetswe ka nosetso kgotsa kwa go sa nosiweng, go na le dintlha tsa tlaleletso di le mmalwa tse di tshwanelang go tsewa tsia. Re tlhamile dikhoso tsa tlaleletso di le pedi, “Ntshokuno ya Mmidi ka Nosetso le Ntshokuno ya Garase ka Nosetso”. Dikhoso tse di tsenyeletsa dimojule tse di latelang:

Tlhagiso mo tirisong ya nosetso le modiko wa sehaetereloji;

Mmu, metsi a mmu le monono wa mmu;

Diphaefote – dithulaganyo le tlamelo;

Thefoso ya nosetso;

Tshelo ya khemikale; le

Semela sa mmidi/garase ka nosetso.



Khoso ya Tsamaiso ya Polase go bona Poelo

Fa montshakuno a tlhabologela kwa go nneng mogwebi, botlhokwa jwa tsamaiso e e siameng ka tsepamiso mogopolo mo dipoelong e nna botlhokwa le go feta. Re mo dikgatong tsa bofelo tsa tlhamo ya khoso, “Tsamaiso ya Polase go bona Poelo” e e tsenyeletsang dimojule tse di latelang:

Tlhagiso – bogolo (scope) jwa tsamaiso;

Motheo wa matlole wa tsamaiso;

Tsamaiso ya ntshokuno;

Tsamaiso ya theko;

Tsamaiso ya thekiso; 

Tsamaiso ya matlole;

Tsamaiso ya botsamaisi;

Tsamaiso ya metswedithuso ya batho;

Tsamaiso ya bogokaganyi;

Tsamaiso ya dithoto le setoko; le 

Dintlha tsa kakaretso tsa tsamaiso.



Dikhoso tse dingwe tse di neelwang

Fa o leba gape mathata a magolo a a lebaneng bantshakuno ba ba tlhabologang, re lekile go rarabolola mathata a ka dikhoso tse re di tlhamileng.

 

Go tlhoka poelo ga ntshokunothoro e e seng ya nosetso mo Aforikaborwa.

Tsamaiso ya Polase ka Poelo;

Ntshokuno ya Thekiso ya Mmidi e e Tsweleletseng; le 

Thulaganyo ya Polase le Tshekatsheko ya Metswedithuso.



Tlhaelo ya kitso, bokgoni le maitemogelo.

Tlhagiso mo Ntshokunong ya Mmidi;

Tlhagiso mo Ntshokunong ya Sonobolomo;

Tlhagiso mo Ntshokunong ya Korong;

Tlhagiso mo Ntshokunong ya Mabele;

Tlhagiso mo Ntshokunong ya Matonkomane;

Ntshokuno le Thekiso ya Mmidi e e Tsweleletseng;

Khoso ya Borakonteraka ba Temo;

Khoso ya Tlhabololo ya Bokgoni;

Ntshokuno ya Mmidi ka Nosetso; le 

Ntshokuno ya Garase ka Nosetso.



Tlhaelo ya matlole a ntshodikuno.

Tsamaiso ya Polase ka Poelo; le 

Thulaganyo ya Polase le Tshekatsheko ya Metswedithuso.



Tlhaelo ya tirisometšhine e e lekaneng.

Khoso ya Tlamelo ya Terekere le Didiriso tsa Polase;

Khoso ya Borakonteraka ba Temo; le

Paakanyo ya Motheo ya Enjene.



Mabaka a a amanang le lefatshe le thuolefatshe.

Tsamaiso ya Polase ka Poelo.







