Tractors (Maize)										Setswana

Diterekere – lekaba la segompieno



Instructions:

Folio strap: Tlamelo

Byline: Willie Kotze, mogokaganyi wa bokatisi wa Lenaneotlabololo la Balemirui la Grain SA

Photos: 	Setshwantsho 1 – Beterii e e se keng e tlamelwa

Setshwantsho 2 – Megala ya motlakase e e tletseng dioli

Setshwantsho 3 – Ga gona oli mo “differential”

Setshwantsho 4 – Phepafatsa difeletara tsa mowa gangwe le gape

Setshwantsho 5 – Oli mo peiping ya radiethara

Setshwantsho 6 – Diphanele tse di bofilweng ka terata

Setshwantsho 7 – Fenebelete e e sa tsenngwang sentle 



Setlha sa ntshodikuno ya selemo se batla se wetse mo dikgaolong tse dintsi mme diterekere tsa gago di berekile thata go netefatsa gore o bona thobo. Ke nako jaanong ya gore le wena o di tsee tsia e le go tlhomamisa gore di tlaa bo di le mo maemong a go go thusa gape mo setlheng se se tlang.



Thulaganyo ya tsidifatso

Netefatsa gore ga go na mo go dutlang teng mo dipeiping tsa metsi tsotlhe kgotsa gaufi le pompo ya metsi. 

Tlhola maemo a dipeipi tsa metsi go netefatsa gore ga di botabutabu ka ntlha ya kgotlelo ya oli.

Tlhola sekhurumelo sa radiethara le go netefatsa gore sili e sa ntse e le mo maemong a a siameng. Ga go sena mo go dutlang teng mo thulaganyong e, mme semeto sa metsi se le kwa tlase, go ka tswa go raya gore go batliwe sekhurumelo se sengwe.

Go botlhokwa gore o tsholole metsi a a mo thulaganyong ya tsidifatso ngwaga le ngwaga, le go tshela sethibelakgatselo se sentšhwa mo thulaganyong.

Netefatsa gore o rekela terekere ya gago sethibelakgatselo se se nepagetseng, mme o se ke wa tlhakanya dithibelakgatselo tsa mebala e e farologaneng, gonne di farologane.

Netefatsa gore maemo a difenebelete a siame – ga di na maphanyego. Tlhola kgagamalo ya yona. Fa go na le dibanta tse pedi, mme e nngwe e tshwanela go ntshiwa ka ntlha ya lebaka lefe fela, o tshwanetse o di ntshe tsotlhe, o tsenye tse dintšhwa gore nngwe le nngwe ya tsona e rwale kgagamalo e e tshwanang le ya e nngwe.

Thulaganyo ya leokwane

Tlhola mo go dutlang go tswa mo tankeng ya disele go tsamaya le thulaganyo yotlhe go fitlha kwa diinjekethareng.

Netefatsa gore tanka e phepa mme o tlhole le filetara e e mo tankeng.

Emisetsa difiletara tsa disele tse ditona le tse dinnye.

Phepafatsa terepe ya metsi. Go botlhokwa go tshola tanka ya gago ya disele e tletse gonne fa go na le mowa mo tankeng, bongola jo bo mo moweng bo a phokafala le go fetoga metsi. Metsi a a ka senya pompo ya gago ya diinjeketara.



Thulaganyo ya togetso

Netefatsa ka dikgala tsa tlamelo ya terekere ya gago – e ka tswa e le nako ya go tshela oli e ntšhwa ya enjene le go emisetsa difiletara.

Fa e le gore ke nako ya go fetola oli ya diferenšiale le ya kerebokoso, gona gakologelwa le go fetola difiletara tsa teng le tsona (ela tlhoko gore thulaganyo ya haeteroleki e dirisa oli e e tshwanang, mme o tlhole mo go dutlang le mo go yona thulaganyo e).

Fa o simolola go dirisa terekere gape netefatsa gore ga go na mo dioli di dutlang teng mo filetareng kgotsa polakeng ya sampo.

Ela tlhoko dioli tse di dutlang le disili tse di dutlang – a go tsenngwe tse dingwe.

Logetsa dintlha tsotlhe tsa tlamelo (mo leotwanakgweetsong gammogo le dinepole tsa kirisi tse dingwe).

Diphepafatsamowa

Tlhola diphepafatsamowa mme o netefatse gore di ntse sentle e bile di phepa – fa di se mo maemong a a siameng tsenya tse dingwe.

Tlhola dipeipi tse di gokaganyang sephepafatsamowa mme o netefatse gore ditlelempe tsotlhe di bofilwe thata.



Thulaganyo ya motlakase

Beterii – beterii yotlhe e tshwanetse go nna phepa. Netefatsa gore selekanyo sa metsi se nepagetse, mme fa go se jalo, tshela metsi a a tlhwekisitsweng (a bonwa mo mabentleleng a dibeterii). Golola dithapo tsa dibeterii mme o di phepafatse gammogo le ditheminale tsa beterii. Busetsa dithapo mme o tshase kirirsinyana mo ditheminaleng go thibela go jega. Netefatsa gore go na le kgokagano e e feletseng magareng ga thapo ya neketifi mo enjeneng le thapo ya phosetifi mo setatareng.

Netefatsa gore megala ya motlakase yotlhe ga e na dikirisi le dioli le go tsenngwa mo selefing (se ke go sireletsa dithapo mo mogoteng, kgotlhegong le dieding).

Netefatsa gore diponetsiboso le dikeije tsotlhe di a bereka – fa o dumisa terekere di tshwanetse go tshuba tsotlhe. (Dipone tsa oli le oletheneitha di a tshuba fa ikenešene e tshubilwe, mme ka bonako fela fa e duma di tlaa tima – dingwe tsa dipone tse dingwe di tlaa tshuba fela fa go na le bothata).

Tlhola difiuse gangwe le gape. 



Dithaere 

Dithaere di tshwanetse go nna mo maemong a a siameng – go se nne le maphanyego, masego kgotsa dipudulogo.

Tlhola kgatelelomowa le go netefatsa gore tshetledi ya thaere ya morago e e tshwanetseng go nna le metsi e nepagatse.

Sekaseka makwapa mo maotwaneng a a gogang – fa dithaere di le borethe, maotwana a tlaa relela mme se se dire tiro ya gago bokete.

Sekaseka dipaterone tsa makwapa a maotwana a a gogang sentle mme o netefatse gore di lebile ntlheng e e nepagetseng.



Mekheniseme wa kgweetso

Mekheniseme wa kgweetso wa terekere o pepentsheditswe maemo a a seng mantle a tiriso le konalo. Go botlhokwa go netefatsa gore dibuše, dibering, dithaeroteente tsotlhe le bokoso ya kgweetso di mo maemong a a siameng. Dikarolo tse di onetseng di dira gore terekere e thetheekele mo tseleng – se se kotsi mo go maswe ka gore mokgweetsi ga se ene a laolang terekere, mme se tlhola le konalo ya dithaere e e sa tlhokegeng.



Dipolata tsa tshireletso

Go na le dipolata tsa tshireletso di le palonyana mo terekereng (gantsi di pentilwe ka pente ya terekere). Maitlhomo a dipolata tse ke go sireletsa modirisi gammogo le dikarolo tse di tsamayang. Nako nngwe dipolata tse ga di a gagamadiwa kgotsa ga di yo gotlhelele. Go botlhokwa thata go tshola dipolata tse di golegeletswe thata mo terekereng mme meburunyana e mennye e tlhoka go tlholwa gangwe le gape.



Bara ya kgogo

Go tshwanetse go tlhokomelwe thata bara ya kgogo go netefatsa gore e bofeletswe sentle. Dirisa diphini tsa bokima jo bo nepagetseng fa o goga didiriso le ditereilara (koloi) ka gore boima jotlhe jwa sediriso se se gogwang bo rwelwe ke phininyana eo le diboutu tse di bofeletseng bara ya kgogo mo terekereng. Dikotsi tse dintsi di tlholwa ke tlhokomologo ya bara ya kgogo.





