Track (Maize) 										Setswana

		

Ditshupetsotekeletso le malatsi a balemirui di mo tseleng



Instructions: 

Folio strap: Lenaneotlhabololo la Balemirui

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Maikaelelo a Lenaneotlhabololo la Balemirui ke go tlhoma le go tsamaisa ditsha tsa tekeletso koo bantshakuno ba ka lemosiwang ka mesola ya paakanyo ya mmu e e nepagetseng, nontsho, tlhopho ya mofutapeo, taolo ya mofero le disenyi le thobo.



Ditshupetsotekeletso

Re kgonne go tlhoma ditsha tsa ditshupetsotekeletso di le 46 mo kgaolong yotlhe e e direlwang ke lenaneo. Maitlhomo a ditekeletso ke go supetsa mekgwatiriso e e gaisang – monontsha/go se nang monontsha; kelo ya jalopeo e e nepagatseng/e ntsi thata kgotsa e nnye thata; taolomofero e e siameng/go se nang taolomofero. Se bogolosegolo mo bantshakunong ba ba kgonosetseng mo kgaolong eo le/kgotsa ba sa rutega sentle, ditekeletso di bontsha bantshakuno mesola ya go dira se se siameng ka nako e e siameng, mo maemong a a tshwanang le a a ba amang.



Malatsi a balemirui

Malatsi a balemirui a tlhagisetsa bannaleseabe botlhe tšhono e e boitshegang mo karolong e go bontsha le go bua le bantshakuno. Malatsi a a akaretsa batlhankedi ba rona, gammogo le baemedi go tswa ditlamong tse di tlamelang ka ditsenngwateng, dikgwebo tsa temothuo, diinšorense tsa dijalo, batlamelakamatlole, j.j. Mo pakeng e ya matlole, re tshwere malatsi a balemirui a le 65 – a tsenetsweng ka bantshakuno ba le magareng ga 8 le 250!





