Topsoil (Maize)									SETSWANA

										



Mmugodimo – go sireletsa motswedithuso wa botlhokwa



Instructions:

Folio strap: Tshomarelo ya mmu

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA

Photos: Mmugodimo

Exploding quote: “Mmu ke boswa jwa lotso lwa motho le thoto ya botlhokwa go gaisa e setšhaba se nang nayo. Ke motswedi wa dijo tsotlhe le motheo wa ditshugommu tsotlhe. O bopilwe ka bonya jo bo masisi mo dingwageng tse dintsi, o bonako go senyega, mme fa o setse o senyegile, boammaaruri ke gore ga go bonolo go o busetsa maemong. Ka jalo go re pateletsa go sireletsa ditlamelwana tsa mmu tsa rona ka kelotlhoko e e boitshegang le go di dirisa ka botlhale, ka gore setšhaba se se fodileng se ka agiwa fela go tswa mo dikunong tsa mmu tse di fodileng.” JC Ross



Mmu o bopegile ka bonya jo bo masisi mo dingwageng tse dintsi, o bonako go senyega, mme fa o setse o senyegile, boammaaruri ke gore ga go bonolo go o busetsa mo maemong.



Mo tlhagong ga go sepe se se sa fetogeng gotlhelele. Ditirego tsa tlhago, go akaretsa le kgogolego ya mmu, di tlhagisitse tlhamego ya mmu go tswa mo matlapeng a tlholego. Pharologano ya motheo e tshwanetse go dirwa magareng ga kelo ya phetogo e e tlhagisiwang ke tsereganyo ya motho. Se se tsayang tlhago makgolokgolo, kgotsa tsona diketekete tsa dingwaga go se dira, motho o ka se phatlalatsa mo bosigong bo le bongwe ka ntlha ya tiriso e e botlhaswa ya lefatshe le mekgwatiriso ya temothuo e e botlhaswa.



Mesola ya taolo ya kgogolego ya mmu

Taolo ya kgogolego e tlholela mongmmu wa poraefete mesola, mmogo le setšhaba – mo go mongmmu, ka mosola wa tshomarelo ya mmu le bongola, fa mo setšhabeng e le ka phokotsego maatla a merwalela, melapo e e phepa le tlamelo e e kwa tlase ya meselemetsi, maborogo, jalo le jalo.



Ditlamorago tsa kgogolego

Tatlhegelo ya mmu le monono.

Tatlhegelo ya metsi ka go taboga fela.

Masimo a a senyegileng le mmu o o swagafetseng.

Merwalela le maruba.

Boleng jwa lefatshe jo bo fokotsegileng.

Lotseno lwa polase lo lo fokotsegileng.

Lefatshe le le latlhagantsweng.

Kganano ya dijalo.

Tlamelo ka metsi e e tlhaelang.





Mefuta ya kgogolego

Dithata tsa kgogolego tse tharo tse di matlhagatlhaga ke metsi, phefo le segagane. Mono Aforikaborwa, re na thata le tlhobaelo ka kgogolego ka metsi le bonnye kgogolego ka phefo. Kgogolego ka metsi e itshetlela ka ditsela di le pedi – kgogolego ya bogodimo le kepego ya mesele.



Kgogolego ya bogodimo

Ka tlholego go dira boalopeo jo bo siameng, lekalekanang le boruma, mmu o a bo o letefaditswe go nna mo maemong a a lolea le tshilego, (go dirisiwa tshugo e nnye jaaka tharabololo ya segompieno mo bothateng jwa tatlhegelo ya mmugodimo). Setlhajalo gantsi ke setlha sa dipula tsa matsorotsoro. Fa pula e e maatla e nela mo mmung mo maemong a, tlwaelo ya ntlha ke go katela mmu, fela fa go diragala jalo bontsi jwa dithoro tsa mmu di thubiwa go nna lolea, le go gololwa go elela le metsi. Fela fa pula e sena go simolola go na, metsi a a feteletseng a ya go simolola go elela le mesele, a rwele mmu le humase mo go ona. Se se ka tswelela mo dingwageng tse dintsi kwa ntle ga montshadikuno go lemoga tshenyo e e setseng e dirilwe mme go na le tatlhegelo ya ditonotono tsa mmu ka heketara.



Kgogolego ya kepo

Mo makgating a le mantsi, masimo ga a lekalekane sentle, mme le mmu ga se wa phopholego e e tshwanang tota. Metsi a nna le tlwaelo ya go ikgobokanya go nna meedinyana ka bonako fela fa a fologa mo dithotaneng mme meedinyana e e fetoga go nna dikalana. Fa mokgokolosa o le boleele jo bo bonalang, meedi ya dikalana ka boyona e kopana go nna melatswana ya makgabana, paterone yotlhe e tshwana le dikalana, dikala le kutu ya setlhare – se se itsege jaaka kepego ya menwana.



Fela fa metsi a simolola go elela ka mosele o o tlhomameng, maatla a kgogolego a mothamo o o rileng mo mokgokoloseng o o rileng, a oketsega thata. Fa jaanong kepego ya menwana e fitlheletse kgato eo mesele ya metsi e ka se tlholeng e baakanngwa botlhofo, ke gona go tlaa bong go fitlheletswe kemo ya kgogolego ya kepo. Tlhamego e e bonako e ya melatswana e ka fatolaka kgaolo ya naga le go dira gore e se tlhole e siamela tshugommu gotlhelele.



Dikokomana tsa isagwe di ikantse rona go bolokela ntshodikuno ya isagwe mmu. Ka tsamaiso e e kelotlhoko, kgogolego ya mmu e ka thibelwa mme re ka netefatsa tiriso ya lefatshe e e tswelelang.











