Sustainable (Maize)									Setswana

	

Temothuo e e itshegeleditseng: go reng e tsaya lobaka jaana?



Instructions: 

Folio strap: Temothuo e e itshegeleditseng 

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Re tlhoafetse go tlhabolola bantshakuno ba bagwebi ba bantsho ba ba nang le bokgoni ba ba tlaa kgonang go dira temothuo ka boikemedi le boitshegetso. Mo maemong a seikonomi a gajaana, se se bokete go lekane – le mororo o ineetse e bile maikaelelo a gago a siame. Fa temothuo mo Aforikaborwa e tshwanela go atlega le go itshegeletsa, re tshwanela go nna le ntšhwafatso ya boammaaruri mo madirelong gore re kgone go bua re le ntswe lengwe.



Ga gona sepe se se bonolo ka temothuo, mme bantshakuno ba tsamaisa mefama e mentsi, mme ba lebane le mathata a magolo.

Ditlhotlhwa tse di kwa tlase tsa dithoro di tsenya kgatelelo e kgolo thata mo go nneng le poelo ga ntshokuno ya dijalo.

Dikelomorokotso di kwa godimo le ditshenyegelo tsa metšhine di kwa godimo thata.

Bantshakuno ba bagwebi ba ba nang le maitemogelo le bona ba a kgaratlha – jaanong bantshadikuno ba ba tlhabologang bona? Bona ba kgaratlha le go feta.



Puso e ka thusa jang?

Ka se sebaka go nna le poelo ga ntshokunothoro, go mo go reng bantshakuno ba ba tlhabologang ga ba kgone go ntsha dithoro dipe ka itshegetso. Re dumela gore se ga se seemo sa leruri, le gore ditlhotlhwa tsa dikuno di tlaa tlhatloga. Mo pakakhutshwaneng, le gale, re tlhoka go naya bantshakunothoro kemonokeng ya matlole ka sebopego sa kabelo (grant) – e ka nna go thusa mo ditshenyegelong tsa ditsenngwateng, kgotsa ka bonase mo ditonong tse di ntshitsweng. Bomosola jwa thulaganyo ya bonase mo ditonong tse di ntshitsweng e tlaa nna gore o atswa bao ba ba dirang sentle – se e tlaa nna tsela ya go thusa bao ba ba nang le kgono le boineelo go nna bantshadikuno ba bagwebi ba ba tletseng.



Bothata jo bongwe jo bogolo jwa bantshakuno ba ba tlhabologang ke maemo a diterekere le didiriso – re tlhoka mohuta mongwe wa kemonokeng ya matlole gore bantshakuno ba thusiwe go thula didiriso tsa bona. Go na le mafapha a mmuso a le mmalwa a a abelang ditlhopha tsa bantshakuno diterekere le didiriso. Se e ka nna tharabololo ya pakakhutshwane, le gale go tlhokega katiso le pebofatso e kgolo gore bantshakuno ba ithute go tsamaisa didiriso tse. Fa sengwe e le sa setlhopha le go dirisiwa ke setlhopha, ga go ope yo o rwalang maikarabelo, e bile ga go ope yo o ikarabelang foo – go na le dikgetse di le dintsi moo didiriso di abetsweng ditlhopha, mme didiriso di ne di itlhokomolositswe mo e bileng di phutlhame. Se ga se mokgwatiriso o o itshegeleditseng.



Balemisi ba tlhoka go katisiwa sešwa, ba newe bokgoni sešwa le go rotloediwa – go na le palo e ntsi thata ya balemisi ba mme ba tshwanetse ba bo ba thusa bantshakuno kwa masimong.



Seabe sa dikgwebo tsa temothuo

Nngwe ya dikgwetlhokgolo tse di šebileng bantshakuno ba ba tlhabologang ke go fitlhelela molato wa ntshokuno. Bontsi bo na le lefatshe, ba na le metšhine (dingwe tsa tsona ga di mo maemong a a siameng), ba a katisiwa le go engwa nokeng, fela ba tlhoka madi. Ditshenyegelo gotlhe tsa go ntsha dijalo di kwa godimo thata – magareng ga R4 000 le R5 000 ka heketara (go ya fela ka gore ke sejalo sefe, kae). Kwa tshimologong, re ne re itumetse go feta mabapi le go amega ga dikgwebo tsa temothuo mo go tlameleng bantshakuno ba ba tlhabologang ka matlole a ntshodikuno, fela re tshwanela go gatelela gore go sa ntse go na le dikgwebo tsa temothuo dingwe tse di emeng bantshakuno nokeng go nna ba bagwebi.



Go ya ka kakanyo ya rona dikgwebo tsa temothuo tse di emang bantshakuno nokeng, e tshwanetse go nna:

Go akaretsa bantshakuno mo ditherisanong tsotlhe;

Go sedimosetsa le go matlafatsa bantshakuno;

Go thusa bantshakuno ka dikadimo ka dikelomorokotso tse di kwa tlase ka fa go ka kgonegang;

Go buisanela diphokoletso tsa bantshakuno ba ba tlhabologang go tswa ditlamong tse di tlamelang ka ditsenngwateng le go fetisetsa diphokoletso tseno mo bantshakunong;

Go ema bantshakuno nokeng ka ditirelo tsa bolemisi go dirisiwa batho ba ba nang le maitemogelo a a tletseng le ba thutego e e tshwanetseng;

Go dirisana le ditheo tse di katisang le go ema bantshakuno nokeng;

Go thusa bantshakuno go rekisa dithoro tsa bona ka tsela e e botoka thata go ba tswela mosola; le 

Go thusa montshakuno go ntšhwafatsa le go tlamela diterekere le didiriso tsa polase tsa gagwe.



Go ntse jang ka tiriso ya borakonteraka ba temothuo

Nngwe ya ditsela tse di bonolo tsa go dirisa lefatshe mo ntshokunong ke go dirisa ditirelo tsa borakonteraka ba temothuo ba bagolo. Se se lekeleditswe gangwe le gape, mme seipato ke gore rakonteraka o tlaa dirisiwa fela mo dikgatong tsa tshimologo, mme montshakuno o tlaa itirela tiro kwa morago. Mokgwatiriso o re rutile gore se ga se diragale ka ntlha ya mabaka a le mmalwa:

Montshakuno ga a dire ka botlalo fa rakonteraka a mo direla tiro;

Rakonteraka o mo lebelong thata go ka neelana ka matlhale;

Rakonteraka ga a kgone sentle go ka katisa le go matlafatsa ba bangwe; le

Montshakuno ga a dire poelo e e lekaneng go nna mo maemong a go ithekela diterekere le didiriso tsa gagwe.



Dithapolo tsa go dirisa rakonteraka

Ditshenyegelo tse di oketsegileng tsa ntshokuno.

Madi a a senngwang mo tirong ya konteraka a ka bo bogolo a sentswe mo go tlameleng le go ntšhwafatsa diterekere le didiriso tsa montshakuno.

Bantshakuno ga ba nne le seabe mo tiregong ya temo le gona ga ba matlafadiwe go ka itemela ka bobona.

Mo tikologong e e kgwatata ya rona, gantsi go nna le nakonyana e khutshwane fela e siametseng thata ditiro tsa tshugommu tse di farologaneng. Fa rakonteraka a dirisediwa kgaolo e tona, gantsi pakanyana eo e a fosega, se se ka dirang gore montshakuno a latlhegelwe ke dijalo tsa gagwe (go jala kgotsa go pieta thari).

Rakonteraka o duelwa ka heketara mme ga a duelwe go ya ka boleng jwa tiro e e dirilweng – gore montshakuno o dira poelo kgotsa nnyaya, rakonteraka ena o bona madi a gagwe. Taoloboleng e tlhaela mo go tshosang – gape le ka ntlha ya bogolo jwa diporojeke.

Go na le bantshakuno ba bantsho ba ba nonofileng le ba ba kgonang. Ba ba tshwanetse go kgona go hira lefatshe mo go ba ba se nang kgatlhego kgotsa ba sa nonofa go le dirisa ka bobona. Ka e nako, bogolo jwa lefatshe le le teng bo dirisiwa ke dikgwebo tsa temothuo, ka jalo ga le kgone go ka fitlhelelwa ke bantshakuno ba bantsho ba bangwe. Bantshakuno ba ba nonofileng ba tshwanetse go kgona go dirisa lefatshe le, ka jalo ba atolose ditiro tsa temothuo tsa bona. 

Mo lebakeng la montshakuno yo o se nang didiriso gotlhelele, go ngangisanwa gore go ba direla temothuo, ba ka ikokoanyetsa matlole go ka simolola temothuo ka bobona. Ga go na bosupi go tlatsa ngangisano e – dipoelo mo ntshokunothorong di dinnye thata mme go dirisa konteraka go fokotsa poelo le go feta.



Re dumela gore go ka dira eng?

Bannaleseabe botlhe ba tshwanetse go dira ka seriti le go tlhoafalela go tlhabolola bantshakuno – temothuo bogolosegolo ke ka montshakuno go na le ka lefatshe. Bantshakuno ba batla go itirela temothuo, e seng go e direla.

Letlelela montshakuno go simolola ka se o nang naso – go simolola ka bonnye mo lefatsheng le lennye go babalesegile. (Gakologelwa gore yo o batlang go dirisa lefatshe la gagwe o falotse go fitlha gajaana ka lotsenonyana lo a nang nalo. Fa o ka kgona go dira poelo e nnye ka heketara mo lefatsheng le o nang nalo, ke madi a tlaleletso a o neng o ka se ka wa nna le ona. Ka go simolola ka bonnye le go lekanyetsa mathata, go dira se se siameng ka tshwanelo, montshakuno o ka gola mo bokgoning le go itshepa).

O se ke wa pateletsa montshakuno go dirisa rakonteraka, mme bogolo thusa montshakuno go tlamela didiriso tsa gagwe, le go lema se a ka se kgonang ka boena – go ka nna botoka mo montshakunong go hirisa lefatshe le a sa kgoneng go le dirisa, fa a ntse a golela mo kgwebong.

Go nna le motataisi go botswerere thata – fela motho yoo ga se mongwe le mongwe fela! Motataisi ke mongwe yo o nang le kgatlhego ka boammaaruri mo tlhabololong ya motataisiwa – yo o tlaa tsayang nako go fetisa kitso le bokgoni, yo o tlaa nnang pelotelele le go mo ema nokeng. Kgolagano ya motataisi le motataisiwa e tshwanetse go ela – e thaetswe mo tshepanong le tlotlanong, e bile go botlhokwa thata gore matlhakore ka bobedi a bo a itumelela go nna mo kgolaganong e, ka gore ke sona se e leng sona kgolagano.

Sedimosetsa le go akaretsa bantshakuno, mme o se ke wa tsaya ditshwetso tse di ba amang kwa ntle ga bona. “Go se nne le sepe sa rona, kwa ntle ga rona” ke moono wa mongwe wa mekgatlho ya batho ba ba nang le bogole, mme ruri o maleba tota!

Thusa bantshakuno go dira tshekatsheko e e feletseng mo lefatsheng la bona, diterekere, didiriso, metšhine, loruo, melato, dithoto, jalo le jalo. Re tlhoka go thusa bantshakuno ka botlalo ba feletse mme le bone ba tlhoka go tlhaloganya gore ke ka ga eng. Sekao, montshakuno o na le maatla a kW tse kae, mme ke lefatshe le le kana kang le a ka le kgonang ka bogolo joo?

Netefatsa gore montshakuno o nna karolo ya lenaneo la katiso le tlhabololo. Go nna montshakuno wa mogwebi yo o nonotshitsweng yo o tletseng ke tirego ya pakatelele mme ditheo tse dintsi tse di farologaneng di ka tshwaela mo tiregong e.

Sekaseka boleng jwa katiso e e tlamelwang. Batlamela ka katiso bangwe ga ba dire tiro e e duleng mabogo ka gore le bona ba tlhaela maitemogelo mo temothuong (o ka se ke wa ithuta ka temothuo fela ka go buisa mo bukeng!)

Tshola porojeke e le nnye le go laolega. Bantshakuno ba ba tlhabologang ba tlhoka nako le kemonokeng, mme fa porojeke e gola go feta, dilo di a senyega mme kwa bofelong porojeke e a retela. Ga go go tlotlomatse gore o ema bantshakuno ba le 15 - 20, fela se se a laolega. Dikema tse dintsi tsa bantshakuno ba ba fetang 50 (go tswa tshimologong) di retetse ka gore tota ga go na badiredi ba ba lekaneng go tsamaya mo go bona. Fela fa porojeke e setse e simolotse, palo e ka okediwa ngwaga le ngwaga.







