Support (Maize)								Tswana



Kemonokeng e e newang bantshadikuno ba bagwebi ba ba tsweletseng le ba bantsho



Instructions: 

Folio Strap : Lenaneotlhabololo la Balemirui

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA

Photos:



Maikaelelo e Lenaneotlhabololo la Balemirui ke go ema nokeng baitshupi ba ba gaisang ba ba tlhagogileng mo thulaganyong ya setlhophathutano.



Ditsamaiso tse di tlhoka kemonokeng ya motho mo mothong go ya ka togamaano ya ntshodikuno, tsamaiso, dikopo tsa matlole le dipego, jj. Bantshadikuno ba ba tlhaotsweng ba tlaa newa kemonokeng e e gagametseng ya ngwaga o le mongwe. Ngwaga e nngwe le e nngwe go tlaa tlhaolwa le go ema nokeng setlhopha sa bantshadikuno se sešwa mme morago ga foo ba tshwanetse go kgona go tswelela ka bo bona ka kemonokeng ya mogala go tswa kwa batlhankeding ba kgaolo. Fa montshadikuno a ntsha go feta ditono tse 250 ka ngwaga, o tlaa rolelwa mo bantshdikunong ba kgwebo mo kgaolong eo – se ke maiteko a go itlhaganedisa tlhakanyo ya bantshadikuno ba bantsho le karolo ya bogwebi.



Bantshadikuno ba ba tsweletseng mo Foreisetata ba ba engweng nokeng ke Johan Kriel, ke ba ba latelang:



Sr. Priscilla Katase 

Rre Samuel Moloi

Rre Isaac Khuto 

Rre Samuel Nyambose 

Rre Moeketsi Matshabe 

Rre Hennie Jacobs 

Rre Petrus Monnane 

Rre Frans Mokoena 

Rre David Lekhula 

Rre Isaac Kheswa



Bantshadikuno ba ba tsweletseng mo Bokonebophirima ba ba engwang nokeng ke Tonie Loots, ke ba ba latelang:

Rre Abram Manuel

Rre Rykie Rapotho 

Rre Lazarus Mothusi 

Rre Labious Manoto 

Rre Thando Lolwane 

Rre Salphanius Motswenyane 

Rre Ismael Botha

Rre Phillip Nzonda 

Rre Simon Mazwi



Bantshadikuno ba ba tsweletseng mo Bokonebophirima ba ba engwang nokeng ke Amos Njoro, ke ba ba latelang:

Rre Phillip Xaba 

Rre Solomzi Booizene 

Rre Hendrick Melken 

Rre Jack Kokoma 

Rre Moss Malo

Rre Orapeleng Bankies 

Rre George Mokwele 

Rre Paul Morule 

Mme Deliwe Ntebele-Mutlwane 

Rre Job Metswamere 



Bantshadikuno ba ba tsweletseng mo Mpumalanga ba ba engwang nokeng ke Jerry Mthombothi, ba a latela:



Rre Nkosi

Dr Hewu 

Rre Mahlangu

Rre Mokoena 

Rre Masumbuko

Rre Mahlangu 

Rre Thubane 

Rre Mahlangu



Bantshadikuno botlhe ba ba leng karolo ya lenaneo le, botlhe ba thusiwa ka tlhamo ya dipotofolio tsa bona tse di akaretsang togamaano ya kgwebo ya setlha. Potofolio e e thusa bantshadikuno go dira dikopo tsa kadimo ya ntshodikuno kwa ditheong tse di farologaneng. Bantshadikuno ba etelwa bonnye gangwe ka beke ke mogokaganyi wa porofense yo o ba thusang ka thulaganyo le peoleitlho ya ditiro tsa bona go tswa paakanyong ya mmu go ya jalong, tlhagolong, kgatshong, thobong le thekisong.



Re sweditse gore tswelelopele go ya kgwebofatsong e tshwanetse go bewa leitlho le go amogelesega, ka jalo ra tshwara moletlo oo kwa go ona re neng ra laletsa balemirui bangwe go tsenela 250 Ton Club, 500 Ton Club le 1000 Ton Club – balemirui ba ne ba tlotliwa le go fiwa “dibetšhe” tse di supang botokololo jwa bona jwa tlelapa. Re solofela go kgona go bontsha ba madirelo gore ammaaruri go na le tswelelopele go ya kgwebofatsong.



