Sunflower (OPOT)								Tswana



Disonobolomo – malwetsi le disenyi



Instructions : 

Folio Strap: 

Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa mo kaeding ya Ntshodikuno ya Sonobolomo ya Grain SA.

Photos:

Sebokosegi

Khukhwane ya Vaalgrond

Khukhwane ya Herpaplus

Khukhwane e thamaga ya mmidi

Kutuntsho 

Rusutshweu

Polotlhogo ya Soft Rhizopus 



Ke fela dingwe tsa ditshenekegi tse di fitlhelwang mo dimeleng tsa sonobolomo di ka tsewang e le disenyi. Ditshenekegi tse di ka nnang matshosetsi mo disonobolomong di ka iphepa ka dipeo tse di jetsweng, matlhogelanyana a tlhogang, matlhogelanyana a a setseng a tlhogile, semela se se golang, medi le ditlhaka tse di tlhogang.



Taolotshenekegi e ikaegile thata ka dibolayatdshenekegi (dikhemikale tse di botlhole mo tshenekeging). Go na le dibolayatshenekegi tse di kwadiseditsweng go dirisiwa mo ditshenekeging tsotlhe tse di tlhaselang semela sa sonobolomo. Molebokgokagano mo taolotshenekeging gantsi ke ona o o nonofileng – go kopanngwa mekgwa e e farologaneng go gatelela dipalopalo tsa tshenekegi le go lekanyetsa tshenyo ya tshenekegi.



Ditshenekegi tse di jang peo le matlhogelanyana

Go na le ditshenekegi tse di farologaneng tse di jang peo le matlhogelanyana, sekao, dibokothale, sebokwana sa khukhwane e thamaga ya mmidi, dibokosegi, j.j go ama di se kae fela. Ditshenekegi tse di fokotsa palopalo ya dimela tse di setseng di tlhogile, mme fa di sa laolwe dijalo di ka tshwanela go jalwa gape. Taolo e e tshwanetseng ya ditshenekegi tse e ikaegile ka tshelo ya dibolayatshenekegi e e nepagetseng, bogolosegolo ka nako ya jalo.



Go ribega mo marigeng go tlaa thusa mo taolong ya bontsi jwa ditshenekegi tse – paka ya malatsi a 35 kgotsa go feta kwa ntle ga semela sa moamogelamoeng go tlaa fedisa bontsi jwa tsona.



Go ka alafiwa peo e e yang go jalwa ka sebolayatshenekegi; kgotsa sebolayatshenekegi se ka tshelwa mo forong ka nako ya jalo. Dibokosegi di ka laolwa ka go di tshelela jarelo mo godimo ga mmu mo moleng. Masimo a mmidi le ona a ka kgatshiwa ka seboloyatshenekegi e e maleba.



Ditshenekegi tse di ka jang dikarolo tsa semela sa sonobolomo

Dikhukwane tse di thamaga tsa mmidi tse di godileng, (Astylus, Atromaculats) dibokosegi (Agrotis Segetum), Khukhwane ya Harpalus, di dira tshenyo e e boitshegang mo matlhogelanyaneng mme di ka fokotsa dipalopalo mo masimong a a tlhogileng sentle go sala ka dilekanyo tsa ntshodikuno tse di seng tsa sepe.



Sebokobolo sa Aforika (Helicoverpa Armigera) se baka tshenyo mo tlhogong ya sonobolomo mme se ka bulela tshwaetso ya ditshwaetso tsa fankase jaaka Rhizopus Microsporus. Ditshenekegi tse di gopang jaaka Nysius Nataensis le tsona di ka senya peo ya sonobolomo e e simologang.



Go na le palo ya dibolayatshenekegi tse di kwadiseditsweng go laola ditshenekegi tse di farologaneng tse di ikgomaretsang mo semeleng. Fela go botlhokwa go tlhaloganya sentle gore ke tshenekegi efe e e bakang tshenyo mme o bo o dirisa sebolayatshenekegi se se nepagetseng ka kelotshelo e e maleba ka nako e e lebaneng po! Se se a farologana, go ya fela ka tshenekegi le kgato ya kgolo ya semela.



Go tshela selaoladisenyi go ka fokotsa ditatlhegelo tsa thobo, fela go ja madi tota, ka jalo montshadikuno o tshwanetse go tlhokomela pharologano ya ditshenyegelo tsa molemo. Dilekanyo tseo taolo ya disenyi e nnang tlhokego di setse di baleletswe – go na le kgato e mo go yona go nnang botlhokwa go senya madi go laola disenyi go seng jalo tshenyo e e ka diragalang mo dijalong e ka feta ditshenyegelo tsa molemo.



Taolothibelo

Ga se mokgwatiriso o o amogelesegang go kgatsha sebolayathenekegi mo dijalong foo selekanyo sa tlhaselo se sa fitlhelelang maemo a a masisi. Lebaka ke gore ditsomi tsa tlhago tsa tsona di ka bolawa ka tsela e, mme kemelano e ka agega kgatlhanong le sebolayatshenekegi.



Go ribega pelenyana pele ga sejalo se jalwa ke tsela e e atlegileng ya tsamaiso ya thibelo ya ditshenekegi. Dilekanyo tsa ditshenekegi le gale, di tlhoka go bewa leitlho thata e le go netefatsa taolo ya seikonomi.



Go na le dimela dingwe tse di nang le kemelano ya tlhago kgatlhanong le ditshenekegi dingwe – go na le matlhakoremabedi go se, e leng mosola wa pakakhutshwane ka gore sejalo ga se ne se tlhoka go kgatshiwa gammogo le mosola wa pakatelele ka gore dipalopalo tsa tshenekegi di a fokotsega mo pakeng e e bonalang.



Ka ka karetso go botlhokwa go nna le molebo o o gokaganeng mo taolodisenying – dirisa mokgwa ofe fela o o bonang o le matshwanedi ka nako eo mo sejalong seo. Taolodisenyi mo dijalong ke ntlha ya botlhokwa thata mo tsamaisodijalong ka gore e na le tshusumetso e e botlhokwa mo thobong, ka jalo le mo ikgonong ya seikonomi ya ntshodikuno.



Malwetse a Sonobolomo

Malwetse a dimela a diga thobo le boleng jwa dijalo mme a ka bakela batho kgotsa diphologolo mathata a pholo fa ba ja semela seo. Fankase, baketheria le megare di tlhola malwetse a dimela. Tse di ka tshwaetsa dikarolo tsotlhe tsa semela – medi, dikutu, matlhare le diako. Malwetse a a farologaneng a tlhoka maemo a a farologaneng gore a tswelele.



Bolwetse bo ka tswelela fela fa maemo a tikologo a bo dumelela, sejalo sa moamogedi se le gona le jona bolwetse bo le gona. Dintlha tse tharo tse, di ka tsewa jaaka khutlotharo ya tshwaetso ya bolwetse. Fa nngwe ya tsona e tlhaela, bolwetse ga bo ne bo tswelela. Bolwetse jo bo tlhagelelang mo setlheng se se kgethegileng mo kgaolong e e rileng bo ka tlhokafala mo kgaolong eo mo setlheng se se latelang, fela ka gore maemo a tikologo ga a teng. Ka ntlha ya ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa ditlhagisokuno tsa ntshodikuno ya sonobolomo, gantsi ga go ikonomiki go laola bolwetse ka khemikale. Malwetse mangwe a teng ka gale, fela ga a tswelele ka gore lengwe la matlhakore a khutlotharo le se yo. Go dirisa dikgatothibelo go laola malwetse a. Tse ke dintlha tsa methale tse di ka akanngwang ka taolobolwetse ya thibelo.



Kemelano ya dimela

Go tlhamilwe mefutapeo mengwe e e emelanang le malwetse. Kemelano e le gale ke fela ya bolwetse jo bo rileng, mme ga se kemelano le bolwetse ya kakaretso. Go botlhokwa go tlhaola bolwetse jo bo leng teng mme jaanong o tlhophe mofutapeo o o tshwanetseng.



Taolo ya sekhemikale

Taolo ya sekhemikale e tlhoka tshelo ya melemo ya fankase le baketheria e e kwadiseditsweng bolwetse jo bo kgethegileng mo maemong a a kgethegileng, tlhotlhwatheko ya molemo e tshwanetse go akanngwa ka gale pele go ka tshelwa.



Mekgwatiriso ya ntshodikuno

Tshugommu e ka nna botlhokwa mo taolong ya bolwetse – dirite mo tshimong di suba malwetse mangwe mme thulaganyo ya tshugommu e tshwanetse go akaretsa kakanyetso ya malwetse a a farologaneng a a atileng foo.



Maitlhomo a thefosanyodijalo ke go letla paka e e bonalang gore methiriale ya dimela e bole. Go botlhokwa go tlhomamisa gore ke malwetse afe a a amogelwang, ka dimela dife, e le go netefatsa gore bothata bo rarabololwa ke thefosanyo e e rileng eo.



Letlhajalo le lona le tlaa nna le thusumetso mo go ateng ga bolwetse bongwe – go jala go sa le gale kgotsa moragonyana go ka fokotsa bothata le tswelelopele ya bolwetse joo.



Taolo ya ngodiego

Dintlha tsa ngodiego tse di kgethegileng di ka ama malwetse a dimela. Dintlha tse di tlholang ngodiego mo dimeleng di akaretsa bongola (jo bo kwa godimo thata kgotsa kwa tlase thata), mogote, serame, kotlo e e sa lekalekaneng, botlha jwa mmu le tshenyo ya ditshenekegi. Taolobolwetse e e feleletseng e tlhoka bonnye nyeletso ya lengwe la maoto a khutlotharo ya bolwetse. Se se ka fitlhelelwa botoka go gaisa ka go dirisa thulaganyo ya taolobolwetse e e gokagantsweng.



Malwetse a a tlwaelegileng



Malwetse a dintho mo matlhareng – Septoria Helianthi le Alternaria 

Dintho tse di tlholwang ke Septoria gantsi di rata go nna matlhareng. Ditshwaetsego tsa Alternaria tsona di lemosega ka go tswa dintho tse dintsho mo dikutung, mekwatlana ya matlhare le ka fa morago ga tlhogo ya sonobolomo.



Rusu – Puccinia Helianthi

Ditsienyana tsa letlhare ke tsona di anamisang mogare o o tlholang bolwetse jo e bile ke bothata jo bogolo mo kgaolong ya Nagatlase, le koo go ntshiwang korong teng. Dimela di tshwaediwa fela di sa tswa go tlhoga, di a huba mme ga di kitla di ungwa ka gope.



Polokutu /Poloseako – Sclerotinia Sclerotiorum

Jo gongwe ke bongwe jwa malwetse a a botlhokwa a bogwebi a a setlhogo go gaisa mme a laolwa ka thefosanyodijalo.



Tlhaselo ya dikutu e tlhola go bakega ga dikarolo tse di bokoa tse dikgolo mo kutung fela fa godimo ga mmu mme go ka tlhola go sekama le go wa ga semela mo diphefong tse di bokete. Ditlhogo jaanong di kgoma mmu mme go ka isa kwa ditshwaetsong tsa fankase tse dingwe pele thobo e simologa.



Tshenyo e kgolo e diragala mo diakong (ditlhogong) mme tshwaetsego e e boitshegang e ka dira ntshodikuno ya sonobolomo go se nne le poelo.



Kutuntsho – Phoma Oleacea

Bolwetse jo bo ka tlhagelela nako nngwe le nngwe mo setlheng mme bo anamisediwa kwa dikutung ka tirego ya marothodi a metsi. Dimela tse di tshwaetsegileng di a koafala ka ditlhogo tse di sa ungwang sepe.



Rusutshweu – Albugo Oleracea

Bolwetse jo bo tlhodile ditshenyegelo tsa kgwebo tse di boitshegang mo dingwageng tse di sa tswang go feta mme gape bo tlhola go wa ga dimela.



Poloseako ya Soft Rhizopus – Rhizopus Microsporus

Tshupo e e tlwaelegileng ke polo e thokwa e e boruma ka fa morago ga tlhogo



