Sunflower									Tswana



Disonobolomo: Malwetse le disenyi



Instructions: 

Folio strap: Dipeo tsa Oli

Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa kaeding ya Grain SA: Ntshodikuno ya Sonobolomo

Insert: E etleediwa ke Oil and Protein Seeds Development Trust.

Photo 1: Sebokosegi

Photo 2: Khukhwane ya mmidi e thamaga

Photo 3: Khukhwane ya Herpalus

Photo 4: Tshenyo e kgolo e diragala mo ditlhogong (diako) mme tlhaselego e kgolo e ka dira gore ntshodikuno ya sonobolomo e se nne le dipoelo. 



Ke fela dingwe tsa ditshenekegi tse di fitthelwang mo sonobolomong di ka arologantshiwang jaaka disenyi – go na le ditshenekegi tse dintsi tse di ka fitlhelwang mo disonobolomong mme di se na kotsi epe mo semeleng. Ditshenekegi tse di ka nnang matshosetsi mo disonobolomong di ka ja peo e e jetsweng, matlhogelanyana a a sa ntseng a mela, matlhogelanyana a a tlhogang, semela se se golang, medi kgotsa dithoro tse di simololang go ungwa.



Taolodisenyi e ikaegile thata ka dikhemikale (dikhemikale tse di botlhole mo tshenekeging) tse di tlhokang go tshelwa ka nako e e nepagetseng, ka selekanyo se se nepagetseng, mme se se botlhokwa bogolo, botlhole jo bo nepagetseng mo sesenying se se kgethegileng. Go na le dibolayatshenekegi tse di kwadiseditsweng go dirisiwa mo ditshenekeging tsotlhe tse di tlhaselang semela sa sonobolomo – fa o dirisa dikhemikale tse di kwadisitsweng ka selekanyo se se atlanegisitsweng gona o batla o tlhomamisa go bona dipholo tse di siameng. Tselaleano e e golaganeng mo taolodisenying gantsi ke yona e e nonofileng – mekgwataolo e a kopanngwa go gatelela palopalo ya ditshenekegi le go lekanyetsa tshenyo ya ditshenekegi.



Ditshenekegi tse di jang peo le matlhogela

Go na le ditshenekegi tse dintsi tse di jang peo le matlhogela, sekao: dibokothale, dibokwana tsa khukhwane ya mmidi e thamaga le dibokosegi (go umaka tse di mmalwa fela). Ditshenekegi tse di fokotsa palopalo ya dimela tse di tlhogileng mme fa di sa laolwe dijalo di ka tshwanelwa go jalwa gape. Taolo e e tshwanetseng ya ditshenekegi tse e ikaegile ka tiriso e e nepagetseng ya dibolayatshenekegi. Taolo ya disenyi tse gantsi ga e ture e bile go tshwanetse go tlhokomelwe thata go thibela tshenyo mo dijalong ka kgato e ya go sale gale.



Go ribega mo marigeng go tlaa thusa mo taolong ya bontsi jwa ditshenekegi tse ka gore di itshuba mo marigeng mo dimeleng tsa baamogedi tse gantsi e leng mofero. Paka ya malatsi a le 35 kgotsa go feta kwa ntle ga semela sa moamogedi e ka nyeletsa mathata a a kgonegang a mantsi. 



Peo e e yang go jalwa e ka alafiwa ka sebolayatshenekegi, kgotsa sebolayatshenekegi se ka tshelwa mo forong ka nako ya go jala. Dibokosegi di ka laolwa ka go gasa jarelo mo godimo ga mmu mo moleng. Masimo a mmidi le ona a ka kgatshiwa ka sebolayatshenekegi se se tshwanetseng.



Ditshenekegi tse di jang dikarolo tsa semela sa sonobolomo

Dikhukhwane tsa mmidi tse dithamaga dibokosegi, khukhwane ya “doodhouertjie” le dikhukhwane tsa harpalus tse di godileng di ka tlhola tshenyo e e boitshegang mo matlhogelanyaneng, mme di ka fokotsa palopalo ya masimo a a nang le tlhogo e e siameng go nna mo dilekanyong tsa ntshodikuno tse di se nang dipoelo.



Sebokobôlô sa Aforika se tlhola tshenyo mo tlhogong ya sonobolomo mme se ka bula tsela ya tshwaetso ya ditshwaetso tsa fankase jaaka “rhizophus microsporus”. Ditshenekegi tse di gopang jaaka “nysius nataensis” le tsona di ka senya dithoro tsa sonobolomo tse di golang.



Go na le palo ya dibolayatshenekegi tse di kwadiseditsweng go laola ditshenekegi tse di farologaneng tse di tlhaselang semela. Go botlhokwa thata le gale go tlhaloganya sentle gore tota ke tshenekegi efe e e senyang, jaanong o bo o dirisa sebolayatshenekegi se se nepagetseng ka kelotshelo e e siameng ka nako e e maleba tota. Se se farologana go ya ka tshenekegi le ka kgatokgolo ya semela.



Go diragatsa taolodisenyi go ka fokotsa ditatlhegelo tsa thobo, fela go ja madi mme montshadikuno o tshwanetse go tsaya tsia tshwantshanyo ya ditshenyegelo tsa molemo. Dilekanyo tseo taolo ya disenyi e fetogang tlhokego di setse di baletswe – go na le nako eo go leng botlhokwa go senya madi go laola disenyi go seng jalo tshenyo mo dijalong e ka feta tshenyegelotheko ya molemo.



Taolothibelo

Ga se mokgwatiriso o o amogelesegang go kgatsha dibolayatshenekegi mo dijalong foo selekano sa tlhaselo se sa fitlhelelang maemo a a maswe. Lebaka la se ke gore ditsomi tsa tlhago di ka nyelediwa ka tsela e, e bile go ka agega kemelano kgatlhanong le sebolayatshenekegi. Dikhemikale di kotsi mo tikologong mme di tshwanetse go dirisiwa fela fa go tlhokega tota.



Tlhagolo pele dijalo di jalwa ke tsela e e atlegileng ya tsamaiso ya thibelo ya tshenekegi. Fela le gale dilekanyo tsa ditshenekegi di tshwanetse go bewa leitlho thata gore go netefadiwe taolo e e sa tureng.



Ka kakaretso go botlhokwa go nna le tselaleano e e golaganeng ya taolo ya disenyi – dirisa mokgwa mongwe le mongwe fela o o matshwanedi ka nako eo mo sejalong seo. Taolo ya ditshenekegi mo dijalong ke ntlha ya botlhokwa mo tsamaisong ya dijalo ka gore e na le kamego ya botlhokwa mo thobong ka jalo le mo ntshodikunong e e busetsang ka fa ikonoming.



Malwetse a Sonobolomo

Malwetse a dimela a fokotsa thobo le boleng jwa dijalo mme a ka tlhagisetsa diphologolo le batho ba ba di jang, mathata a pholo. Malwetse a dimela a tlholwa ke difankase, baketheria le megare. Dilo tse di ka ama dikarolo tsotlhe tsa semela – medi, dikutu, matlhare, dithunya le diako. Malwetse a a farologaneng a tlhoka maemo a a farologaneng go gola (ata).



Bolwetse bo ka gola fela fa maemo mo tikologong a tshwanetse, semela sa moamogedi se le teng, mme le jona bolwetse bo le teng. Dintlha tse tharo tse di ka bidiwa khutlotharo ya tshwaetso ya bolwetse. Fa nngwe ya tsona e tlhaela, bolwetse ga bo ne bo gola. Bolwetse jo bo tlhagelelang mo kgaolong e e kgethegileng bo ka nna jwa se ka jwa nna teng mo kgaolong yona eo mo setlheng se se latelang fela ka ntlha ya gore maemo a tikologo ga a teng. Ka ntlha ya ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tse di kwa godimo tsa ntshodikuno ya sonobolomo, gantsi ga go busetse go laola bolwetse ka dikhemikale. Malwetse mangwe a teng ka gale fela ga a kgone go tswelela ka gore le le lengwe kgotsa go feta la matlhakore a khutlotharo ga le yo. Malwetse a laolwa go diragatsa dikgato tsa thibelo. Go na le dintlha tse di farologaneng tse di ka akanngwang ka taolobolwetse ya thibelo.



Kemelano ya dimela

Mefutapeo e mengwe e tlhodilwe le go dirwae le e e ka emelanang le bolwetse. Kemelano le gale, gantsi ke fela mo bolwetseng jo bo rileng mme ga se kemelano ya bolwetse ka kakaretso. Go botlhokwa go tlhaola bolwetse jo bo atileng foo mme o tlhophe mofutapeo o o tshwanetseng tota.



Taolo ka khemikale

Taolo ya sekhemikale e tlhoka tshelo ya melemo ya difankase le dibaketheria e e kwadiseditsweng bolwetse jo bo kgethegileng, mo maemong a a kgethegileng. Ka gale tlhotlhwatheko ya molemo e tshwanetse go akanngwa pele ga tshelo ya ona – go ka nna botlhale go buisana le moemedi wa dikhemikale tsa temothuo yo o gaufi wa gago kgotsa koporasi ya temothuo, go bona kgakololo mo tirisong ya dikhemikale.



Mekgwatiriso ya ntshodikuno

Tshugommu e ka nna botlhokwa thata mo taolong ya malwetse – malwetse mangwe a subiwa ke dirite mo tshimong, ka jalo thulaganyo ya tshugommu e tshwanetse go akaretsa tseotsia ya malwetse a mantsi a a atileng.



Maitlhomo a thefosanyodijalo ke go letla paka e e utlwalang ya matheriale wa dimela go bola. Go botlhokwa go tlhomamisa gore ke malwetse afe a a amogelwng ke dimela dife gore go tle go netefadiwe gore bothata joo bo tsewa tsia ke thefosanyo e e rileng.



Letlhajalô le lona le tlaa nna le tshusumetso mo mo go ateng ga bolwetse bongwe – go jalwa go sa le gale kgotsa morago go ka fokotsa bothata jwa kgolo ya bolwetse joo.



Taolo ya ngodiego

Dintlha tsa ngodiego dingwe di ka ama malwetse a dimela. Dintlha tse di tlholang ngodiego mo dimeleng di akaretsa bongola (kwa godimo thata kgotsa kwa tlase thata) mogote, botsididi, kotlo e e sa lekalekaneng, botlha jwa mmu le tshenyo ka ditshenekegi.



Taolobolwetse e e feletseng e tlhoka bonnye nyeletso ya leoto lengwe la maoto a khutlotharo ya bolwetse. Se se ka fitlhelelwa ka katlego ka go dirisa thulaganyo ya taolobolwetse e e golaganeng.



Malwetse a a tlwaelegileng

Malwetsea dintho tsa letlhare (Septoria helianthi and Alternaria)

Dintho tse di tlholwang ke Septoria gantsi di ganelela fela mo matlhareng. Ditshwaetso tsa Alternaria di bontshiwa ke go tswa ga dintho tse dintsho mo dikutung, dikgopo tsa letlhare, le ka fa morago ga tlhogo ya sonobolomo.



Rusu

Mogare o o tlholang bolwetse jo o anamisiwa ke ditsie tsa letlhare mme ke bothata jo bogolo mo kgaolong ya Nagatlase (Lowveld) le koo go lengwang korong. Dimela di tshwaediwa fela fa morago ga go tlhagelela fa godimo ga mmu, di a huba mme ga di ne di ungwa.



Polokutu le poloseako (Sclerotinia)

Gongwe jo, ke bongwe jo bo tshenyo e e boitshegang jwa malwetse a botlhokwa a bogwebi mme bo laolwa ka thefosanyo ya dijalo. Tlhaselo mo dikutung e tlhola dikgaolo tse dikgolo tse di bokoa mo kutung, go diragala fela fa godimo ga boalogodimo mme go ka isa kwa konegong kgotsa go wa fa diphefo tse di maatla di foka. 



Ditlhogo jaanong di kgoma mmu mme di ka isa kwa tshwaetsong ya fankase pele thtrlo e simolola.











