Sunflower (OPOT)									Setswana 
Sonobolomo – thobo, pereko le poloko
Folio strap: 
Byline: Tshedimosetso e tswa mo kaeding ya Ntshokuno ya Sonobolomo e e Tsweleletseng
Montshakuno o tshwanetse a netefatse gore taoloboleng e simolola kwa togamaanong le dikgatong tsa pele ga jalo mme e akaretsa kgato ya tsamaiso nngwe le nngwe e e tlaa netefatsang ntshokuno e e kwa godimodimo.
Dintlha dingwe go di akanya le tse di tlhotlheletsang boleng jwa bofelo jwa peo e e robilweng ke: paakanyommu, botengmmu, pH, tekatekano ya diminerale, bongola jo bo bolokilweng, tlhopho ya mohutapeo, nontsho e e nepagetseng, taolo ya mofero le disenyi le go roba ka kgato e e nepagetseng le pereko e e tshwanetseng go akaretsa mekgwa ya phepafatso, komiso le poloko.
Thobo 
Go roba go tsenyeletsa tiro e kgolo le masisi ya kgwebo ya temothuo nngwe le nngwe. Go roba ke kgato ya ntlha mo thulaganyong ya morago ga ntshokuno go akaretsa tirego, poloko le pabalelo ya sejalo sa sonobolomo. Mo dikgaolong tsa ntshokuno tse di farologaneng mo Aforikaborwa thobo, poloko le tirego di akaretsa motseletsele wa ditiro go tswa kwa kotulong le polo ko ya tlhogo ya sonobolomo yotlhe go tlaa phuthwa moragonyana mo dipolaseng tse dinnye le go ya ditirong tsa temothuo ya dithoro ya tirisometšhine ya bogwebi e e feletseng. 
Thobo ya semotšhine 
Teponako 
Gantsi disonobolomo di robiwa pele ga dijalo tsa mmidi mo ngwageng o o tlwaelegileng go tswa bofelong jwa Tlhakole mo peong e e jetsweng go sale gale go ya Motsheganong mo peong e e jetsweng moragonyana. Gale thobo e e ka wediwa pele ga thobo ya mmidi e simologa. Se, se botlhokwa mo ditirong tse dinnye tse di dirisang dirobi tse di tshwanang go roba sonobolomo le mmidi. Montshakuno mongwe le mongwe a ka dirisa rakonteraka yo o nang le metšhine e e setetsweng mmidi le/kgotsa sonobolomo. Paka ya go butswa le thobo e tshwanetse go tsholwa e le khutshwane ka fa go ka kgonegang go fokotsa ditatlhegelo go tswa tshenyong ya dinonyane le malwetse a poloseako. 
Dimela tsa sonobolomo di budule gotlhelele fa bokafamorago jwa tlhogo bo fetogile go nna bosetlha go tswa go botala, phetogo e gantsi e diragalang pele ditlhogo di omile sentle go ka robiwa. Disonobolomo tse di jetsweng moragonyana di tlaa bo di siametswe go rojwa fela fa morago ga serame se se bogale mo dikgweding tsa ntlha tsa mariga. Pele ga thobo dirisa selekanyabongola go lekanya dilekanyo tsa bongola mo dijalong ka le morago ga go butswa gotlhelele, go netefatsa gore dijalo di robiwa ka nako e maleba po! Fa o se na selekanyabongola, go ka tsewa dikao morago ga dipakanyana, go di isa kwa motsamaising wa difala kgotsa ka puisano le rakonteraka wa morobi wa gagwe, gore o tle o swetse gore go tsaya kgato e e nepagetseng ya go ka roba ke leng. 
Go fokotsa ditatlhegelo tsa go tlhotlhorega ga peo ka nako ya thobo le tatlhegelo ya go jewa ke dinonyane, sonobolomo e ka robiwa ka diteng tsa bongola jwa bogodimo jwa 20% go ya 25% le go omisiwa mo seomising sa dithoro go fitlha go 9,5% jo eleng diteng tsa bongola jo bo babalesegileng go ka bolokwa mo bining. Fela le gale maemo mo Aforikaborwa a rata komiso e e feletseng ya sonobolomo go diragalela kwa masimo pele e ka rojwa. Go tshwanetse ka gale go akanngwe gore sonobolomo ya diteng tsa bongola tse di kwa godimo ga 10% e tshabelelwa ke go tlhaselwa ke fankase.
Thobo ya motšhine 
Lobelo lwa go ya kwa pele lwa serobi le tshwanetse go nna magareng ga dikhilomitara tse tlhano le robedi ka ura. Lobelo lwa go ya pele lo lo kwa godimo lo tlaa farologana go ya ka diteng tsa bongola jwa lobelo lwa sonobolomo le thobo ya dijalo. Lobelo lwa go ya pele lo tshwanetse go fokodiwa fa diteng tsa bongola jwa peo di fokotsega go fokotsa tatlhegelo ka tlhotlhorego fa ditlhogo di tsena mo serobing. Mabelo a go ya pele a a bonako a a kgonega fa bongola jwa peo bo le magareng ga 12% le 15%
Mabelo a a kwa godimo ga a tshwanela go kgama silintara le disefo tsa kgaolo e e di kgaoganyang kwa ntle fela ga mo dijalo di pitlaganeng thata. Peo ya bongola jwa 12% go ya 15 % e tlaa phothega bonolo thata fa e feta mo silintareng.
Tshetelo ya serobi 
Tshobokanyo ya mangwe a mathata a go kopanweng le ona mo ditshetelong tsa serobi le dibako tse di ka a tlholang e bontshiwa mo lenaneong le le fa tlase:
Bothata 
Sebako/tharabololo e e ka kgonegang 
Ditlhogo tse di phothegileng bontlhanngwe tse di wetseng fa fatshe.
Katologano ya khonkeife e sephara. 
Go nna le mmoko o montsi.
Go tswa ga phefo go kwa tlase, go photha go feta kwa silintareng/rotorong. Diphatlha tsa mmoko di ditshesane. 
Matheirale wa leswe o o fetileng mo bining ya hapore. 
Photho. Lebelo la silintara/rotoro le kwa godimo thata, khonkeifi e gagametse thata, fene e bonya, kgotsa sefo e bulegile thata.
Ditlhogo tse di robegileng kgotsa silegileng. 
Mabelo a silintara/rotoro a a kwa godimo, katogano e tshesane ya khonkeifi.
Peo e e tšhwetlegileng ka lekape le le itekanetseng. 
Katogano ya khonkeifi e gagametse thata. 
Dipeo tse di photlegileng kgotsa thubegileng. 
Mabelo a a kwa godimo a silintara/rotoro kgotsa matheriale o feteletseng go tswa dikokoleng.
Ditlhogo tse di sa phothwang fa fatshe. 
Phutho e e bokoa kwa tlhogong le dipane. 
Peo e e tlhatsediwang kwa ntle kwa morago ga sephothi.
Go tswa ga lebelo/mowa, iketlise motšhine le kelophoko ya mowa.
Ditatlhegelo tsa thobo di simologa go tswa 3% go ya 5% fela di tlhatlogela go 10% kgotsa 15% mo maemong a a maswe. Dirobi tsa semotšhine di tshwanetse di tlhatlhobelwe bokgoni le go tlhatlhoba ditatlhegelo tota pele le morago ga serobi se sena go roba loeto lwa tekelelo.
Dilekanyi le ditlhatlhobi tsa bongola 
Go netefatsa gore montshakuno o ka simolola go laola thobo le diteng tsa bongola jwa poloko ka botlalo, go botlhokwa gore o fitlhelele selekanyabongola sa segompieno kgotsa o ithekele sa gago fa mothamo wa ntshokuno ya gago o go letla jalo. 
Ditekobongola tse di nepagetseng di botlhokwa tahta mo tsamaisong le thekiso ya dithoro.
Go abelela kgotsa ditekelelo tse di sa nepagalang di ka baka:
Tshenyego fa dithoro di sa le metsi thata le go bewa mo themphereitšheng e e kwa tlase kgotsa dibini tsa komiso tsa mowa wa tlhago.
Ditshenyegelo tsa komiso tse dingwe gape le tatlhegelo ya serobi fa dithoro di robiwa di sa le metsi thata.
Tshwabo ya bongola le dituelelo tsa komiso tsa tlaleletso. 
Tatlhegelo ya boleng jwa dijalo. 
Go dira tekelelobongola e e nepagetseng sa ntlha bona sekao se se emelang dijalo sentle. 
Tseosekao 
Go bona sekao medi pele ga thobo ka gore diteng tsa bongola jwa sonobolomo e e emenge sa rojwa di ka nna tsa fosega. Se se tlaa tlhola gore thobo e dirwe moragonyana go na le ka bonako. 
Roba karolo mme o e tlhatlhobe.
Tswaka ditlhogo tse di tlhophilweng ka letsogo le dipeo tse di foforegileng go tswa dimeleng tse di farologaneng tse di tlhaotsweng go tswa kwa le kwa mo tshimong. Dira ditekelelo tse tharo mo sekaong se mme o tsee palogare ya dipholo. 
Tsaa sekao sa gago kwa motsamaising wa sefala wa gago wa selegae go bona tekelelo e e nepagetseng.
Morago ga gore ditlhogo di setlhefale dira ditshekatsheko gangwe le gape gore dijalo di robiwe ka diteng tsa bongola jwa peo tse di lekaneng. 
Poloko kwa polaseng/motseng 
Difala tsa mmetale 
Gongwe ke ikgethelo e e gaisang ya montshakuno yo o leng mo maemong a ntshokuno ya bogwebi. Dibini tsa dithoro tsa tshipi tse dintsi di bogolo jwa go tswa ditonong tsa mothamo wa diketekete tsa 30 go ya 10. Fa matlole a tlhaela difala tse dipotlana di le mmalwa tsa mothamo wa ditono di ka nna 30 di ka agiwa, tse di tlaa dirang karolo ya thulaganyo ya pereko le poloko ya dithoro e e ka rulaganngwang go tswa tshimolong go ka nna tshimologo ya tlhomo ya thulaganyo e e akaretsang e e diretsweng fela methamo ya ntshokuno ya isagwe ya montshakuno. 
Dintlha le dikakanyo tse di tlhotlheletsang thobo le poloko ya dithoro ka bantshakuno di ikaegile ka gore montshakuno o na le kgotsa ga a na polokelo kgotsa polokelo ya gagwe ya bontlhanngwe jwa dijalo kgotsa ya mmidi otlhe o o robilweng mo kgaolong. Bantshakuno ba bagolo ba tlaa bo na le ditshiamelo tsa go tshwara fela karolo ya bogolo jwa sejalosegolo se se ntshiwang. Dipolase tse dikgolo di aname le naga mme go ka nna ditshenyegelotlase go ka rorle kwa difaleng tsa bogwebi ka tlhamalalo go tswa kwa masimong go na le go bereka go tswa masimong go ya sefaleng sa polase mme morago o bo o rorelwa kwa difaleng tsa bogwebi.
Montshakuno o na le polokelo ya gagwe 
Fa o na le ditshiamelo tsa pereko tsa gago tse di akaretsang phepafatso, komiso le dibini tsa polokelo gona dithoro di ka robiwa ka bonako fela fa peo ya sonobolomo e ka kgona go tlhotlhorega mo tlhogong, e phepafaditswe, e omile, e bolokilwe le go rekisiwa ka nako e e maleba sentle, go tserwe tsia gore ke dithulaganyo dife tsa papatso le thekiso tse di dirilweng. Fa dijalo di ka robiwa ka bonako jo bo kgonagalang gona go ka fokodiwa ditatlhegelo kgotsa tshenyego go ya ka maemo a loapi le diriseke tse dingwe. 
Montshakuno yo o se nang polokelo
Sonobolomo e e ntshiwang mo polaseng e go se nang ditshiamelo tsa polokelo gale e tlaa robiwa le go romelwa ka bonako ka bontsi (bulk) kwa difaleng tsa selegae. Montshakuno o tlaa emela gore dijalo di ome go lekane go ka rorelwa kwa difaleng tsa selegae. Dithoro di tshwanetse tsa bo di omile go feta 10% go fitlhelela dikemo tse di kasetilweng tsa disonobolomo.
Nna o tshwaragane le motsamaisi wa sefala sa selegae wa gago go bona gore ke ka selekanyo sa bogodimo jo bokae jwa diteng tsa bongola tsa dithoro e dithoro di ka gorosiwang ka tsona. Ka ditlha tsa thobo e e kwa godimo motsamaisi wa sefala ga a ne a kgona go bereka mothamo o o kwa godimo wa mmidi ka diteng tsa bongola jo bo kwa godimo jalo. Rakonteraka o tshwanetse fela go simolola go roba ka diteng tsa bongola joo dithoro di ka gorosiwang ka bonako go bolokwa. 
Le mororo go le mosola go nna le ditshiamelo tsa polokelo tsa gago go na le diriseke le peeletso e kgolo e e amegang mo didirisong le tsamaiso ya pereko, phepafatso, komiso, kubeletso ya ditshenekegi, le go tshola dijalo di le mo ditennye tsa bongola tse di kwa godimo mo pakeng yotlhe ya polokelo
Polokelo ya peo ya sonobolomo e e tshwanetseng 
Mo montshakunong yo o setseng a na le setoro sa polokelo kgotsa difala tsa polokelo tsa gagwe ditlhatlhobo le dithulaganyo tse di latelang di tlaa thusa go boloka dithoro tsa gago ka katlego, pele o ka rekisa dijalo. 
Phepafatsa tshiamelo ya polokelo. Phepafatsa setoro kgotsa sefala sa gago thata, le dipeipi tsa kamogelo, diboro le dikhonbeiyase, difene tsa mowa, didakete ka go tlosa matheriale wa leswe o o pakileng moo le dithoro tse dikgologolo tse di ka subang ditshenekegi kgotsa difankase. Thiba manga le magago a a ka tsenyang ditshenekegi, difankase kgotsa bongola go ka tsena mo polokelong. 
Akanya go dirisa kalafi ya Bini e e Amogetsweng ya ditshenekegi. Alafa bokafagare jwa thulaganyo ya polokelo le ka fa tlase ga bodilo kwa tsenyomowa bongwe le bongwe ka sekgatshi se se tshwarelelang lobaka go laola ditshenekegi. Netefatsa gore khemikale e kwadiseditswe go dirisiwa le sonobolomo le go latela ditaelo tsa leibole thata.
Netefatsa gore dithoro tse di bolokilweng di phepafaleditswe matheriale osele le mouta. Peo ya sonobolomo e e bolokilweng ka matheraile osele o o feteletseng, difolorete, dipeo tse di thubegileng, dipeo tsa mofero ka dimetheriale dingwe le dingwe di dira sekao sotlhe se se sa tshabelelweng ke difankase le mathata a ditshenekegi. Gantsi metheriale o o na le diteng tsa bongola tse di kwa godimo mme o ka tlhola kgotelo. Go ka nna botlhale go tsenya sephepafatsi sa go gopa mo thulaganyong morago ya “intake pit anger” kgotsa elebeitara pele peo e e phepa e bolokwa ka bontsi. 
Dijalo di bolokega botoka fa di le tsiditsana, omile le phepa.
Boloka ka Diteng tsa Bongola tse di Babalesegileng. Peo ya sonobolomo e tshwanetse go bolokwa ka bongola jwa 10% kgotsa kwa tlase fa o rulaganya go bapatsa dijalo mo dikgweding tse thataro go latela thobo. 
Dithulaganyo ts Tsenyomowa ya Difala ke selotlele. Fene ya tsenyomowa e ikaelela go tsidifatsa sonobolomo. Difene di tshwanetse go timiwa mo nakong ya maemo a loapi a a bongola kgotsa a dipula.
Tlhatlhoba peo. Peo ya sonobolomo e tshwanetse go tsewa sekao be e le beke go fitlhelela dithemphereitšha tsa peo di tsidifaditswe go fitlha themphereitšha ya poloko ya mariga. Dikao di tshwanetse go tsewa dibeke tse nne dingwe le dingwe mo marigeng le gangwe fela mo bekeng mo dikgweding tsa selemo.
Tlhatlhoba sonobolomo e seng bini. Fa o tsaya sekao, tsenelela mokgobe wa peo wa sonobolomo mme o ele tlhoko thata themphereitšha, bongola, ditshenekegi, difankase le pharologano ya monkgo go tswa mo tlhatlhobong e e fetileng. Fa tsenelelo e le mogote tsaya kgato ya go sutisa kgotsa go dikolosa bini yotlhe ya peo. Utlwelela, dupelela kgotsa o dikologe bini le go tlhola bini ya peo go tswa matlhakoreng a a farologaneng mo matlhakoreng a a kwa tlase le kwa godimo a dibini go kgona go baya maemo a peo mo bining yotlhe leitlho. 
Dira ka bonako go tsepamisa bothata. Fa bothata bo ka lemogiwa bo tsepamise ka go tsenya mowa ka bonako, sutisetsa dithoro mo bining e nngwe kgotsa mo bodilong jwa setoro kgotsa di pegwe mo terakeng le go isiwa kwa sefaleng sa bogwebi se se gaufi kgotsa tshiamelo ya bareki.
Peo ya sonobolomo e e sa bolokwang mo maemong a a tshwanetseng e ka jela montshakuno madi a a boitshegang. Ditshenekegi tsa dithoro tse di bolokilweng di ka tswa di ne di setse di le mo polokelong pele e tladiwa kgotsa di ka tsewa morago. Dikgato tse di latelang di tlaa thusa mo thibelong ya dithoro ts di bolokilweng mo mathateng a ditshenekegi. 
Phepafatsa polokelo thata pele ga go e tlatsa. 
Morago ga go phepafatsa masalela a dijalo tse dikgologolo le lorole le paakanyo dirisa sekgatshi se se tshwarelelang go alafa boalo ba legare la bini dibeke tse pedi pele ga go tlatsa. (latela dipeelo tsa modiri le dipaka tsa thibelo go efoga kgotlelelo m tirisong ya diphologolo le batho).
Efoga go tlatsa ka go tlhakanya dijalo tse dintšhwa le dijalo tse dikgologolo. 
Phepafatsa le go tlhatlhoba thulaganyo ya tsenyomowa. Matheriale osele o ka kgobokana mo didaketeng le go tlhola tikologo ya matsalelo a ditshenekegi le go kgoreletsa tsamao ya mowa. 
Tshwagafalo ya sebaeloji 
Maemo a dithoro tse di bolokilweng a laelwa ke tirisano e e matswakabele magareng ga dithoro, tikologo ya makero le maekero le ditshidinyana tse di farologaneng go akaretsa ditshidinnye tse di jaaka mouta, ditshenekegi, dintana, dirugi le dinonyane tse di ka tlhaselang. Dithoro di tlamela ka motswedi o o phothoselang wa dikotla mme tshenyo e e bakwang ke ditshedinyana tse di umakilweng fa godimo mme e bidiwa tshwagafalo ya sebaeloji. 
Meuta 
Kgotlelego ka meuta e laelwa ke dithemphereitšha (kwa tlase ga 0º C go ya 50º C) tsa dithoro le go nna teng ga metsi le okosijene. Meuta e dirisa phufudi ya metsi, e kgobokano ya teng e laolwang ke seemo sa tekatekano magareng ga metsi a a gololesegileng mo teng ga peo (diteng tsa bongolajwa dithoro) le metsi a a mo kgatong ya phufudi a a dikologileng pelo ya dithoro.
Ditshenekegi le dintana 
Di tlhola tshenyo ya popego le tatlhegelo ya dikotla. 
Ditiro tsa methaboliki di oketsa diteng tsa bongola le themphereitšha ya thoro. 
Di dira jaaka dithwadi tsa mogare wa mouta. 
Maloko a ditshenekegi le dintana a dirisiwa jaaka tsela ya kgolo ke meuta. 
Selekano se se oketsegileng sa ditlhaka tse di thubegileng se fokotsa botshelo jwa poloko thata.
Dimethabolaete 
Dimethabolaete wa sekontari ke dikhomphaotile tse di ntshiwang ke ditshidinyana tse di tshelang go akaretsa meuta, tse di seng botlhokwa mo kgolong fela di botlhokwa thata mo diphologolong, batho le dimela.
Dimaekhothokosine tse di ithutilwe ka bophara go tloga 1961 foo setlhopha sa Aspergillus flavus se se botlhole thata e leng “aflatoxins” di se na go tlhaolwa. Tiro nngwe le nngwe e e tshwenyang tsepamo ya ekhositene e tlaa oketsa ntsho ya dimethabolaete tsa sekontari go akaretsa dimaekhothokosine. Dikgato tsotlhe tse di akaretsa tiriso e e anameng ya menontsha le dibolayatshenekegi le temo ya mehuta ya dimela tsa thobo e e kwa godimo le e e lekanyeditsweng. 
Dimaethokosine di amegile mo metseletseleng ya malwetse a batho le diphologolo le/kgotsa malwetse le a a tlhagelelang mo dithorong tse di farologaneng. Go jewa ga dimaekhothosine go ka ntsha tlholefatso e e bogale kgotsa e e khoroniki e e ka tlholang loso go ya tshwenyanong le tiro ya boboko, dithulaganyo tsa methapo ya pelo le ditshika le ya mala. Dimaekhotosine dingwe di khasinojeniki, muthajeniki le umunosaporesif Aflotoxin B ke nnwe ya dihephatokhosinojense tse di itsegeng tse di kotsi thata. 
