Successful (Maize)									Setswana

Temothuo e e atlegileng e dirwa bonolo – maikaelelo le maitlhomo a kgwebo ya temothuo ya gago



Instructions: 

Folio strap: Tsamaiso

Byline: Tshedimosetso e kgobokantswe go tswa kaeding ya Tsamaiso ya Polase ka Poelo ka Marius Greyling



Jaaka nngwe ya dikgato tsa ntlha mo tsamaisong e e nonofileng ya kgwebo ya temothuo, go botlhokwa go swetsa ka maitlhomo. Tsela e e sa itsiweng ga e ka ke ya latelwa kwa ntle ga kakanyo nngwe ya maitlhomo a a elediwang. Gangwe le gape bantshadikuno ba nyadiwa ka gore ga ba rate go ipeela dintlhaphitlhelelo kgotsa maikaelelo a kgwebo kgotsa a bona ka sebele.



Mangwe a mabaka a a ntshiwang ka maikutlo ke a:

Go bokete go bopa maitlhomo mo kgwebong ya temothuo ka gore maemo ga a tlhomama e bile gape ga a bonelwe pele.

Go tsaya nako e telele thata ya go tlhoma maitlhomo a tota a kgwebo ya temothuo.



Le mororo mabaka oobedi a na le ntlhanyana ya boammaaruri, botlhokwa jwa go tlhoma dintlhaphitlhelelo – le e bile go le mathata le nako e telele e e tlhokegang – ga bo ka ke jwa gatelelwa go feta fa. Maitlhomo a naya tsela le maikutlo a go dira mme kwa ntle ga tsona ga go kgonege go tlhomamisa katlego kgotsa go palelwa. Kwa ntle ga maitlhomo go lekanya bononofi ga go na mosola, gonne ga go kgonege go thuntsha ntlhaphitlhelelo e e se yong. Lebaka la gore go tlhoma ntlhaphitlhelelo mo kgwebong ya temothuo go bokete le go ja nako, ga le fokotse botlhokwa jwa yona, mme e bile bo gatelela lebaka la gore e tlhoka tlhokomelo e e kgethegileng.

 
Go tlhoma dintlhaphitlhelelo mo kgwebong ya temothuo fa gongwe go tla le mathata. Lebaka la se le fitlhelwa mo ntlheng ya gore temothuo ke boiphediso jwa mong-montshadikuno gape ke mokgwa wa botshelo. Lelapa la gagwe ke karolo e e tletseng le e e gokaganeng le kgwebo ya gagwe jaaka boiphediso. Le mororo go amogelesegile ka kakaretso gore maitlhomomagolo a kgwebo ya bokapetalise ke poelo e e kwa godimo mo pakeng e telele, kgwebo ya temothuo e ka tswa e sa tsee se jaaka ntlhaphitlhelelokgolo ya yona ka ntlha ya kgolaganyo ya mokgwa wa botshelo le thutegoiphediso. Maitlhomokakaretso a beng-bantshadikuno ba ka jalo a ka anelwa ka bophara jaaka tatelelo ya poelo e e kgonegalang e e kwa godimodimo fela fa e le gore tatelelo e ya poelo ga e ne e kgaphela kwa morago botshelo jo bo monate jwa selelapa le jwa tsela ya botshelo.



Maitlhomo a a tlhagisitsweng fa godimo ga a na moko ka gore ga a kgone go lekanyediwa e bile a ka tlhalosiwa ka ditsela tse di farologaneng. Tlhaloso ya teng le gale, e nna boammaaruri mo tirisong, moo go itemogelwang gore ga go batho ba babedi ba ba nang le thulaganyo ya boleng e e tshwanang le kgopolotheo ya se se dirang lelapa le le itumetseng le mokgwa wa botshelo, tse di tshwanang. Bogolo le lobaka lwa tatelelo ya poelo ka jalo e tlaa farologana go tswa montshadikunong go ya go yo mongwe, go ya ka mabaka a sebele a gagwe le bogolo jo a ikemiseditseng go ntsha tatelelo ya poelo ya gagwe setlhabelo boemong jwa ditlapele tse dingwe. Se le gale se ka nnang botlhokwa thata mo montshadikunong ka sebele mo lebakeng le, ke gore o tshwanetse go tlhomamisa gore ditlapele tse dingwe tsa gagwe di mo ja bokae mo go ntsheng poelo ya gagwe setlhabelo, ka gonne ke gona fela a tlaa kgonang go dira tlhopho e e tlhalefileng magareng ga ditlapele.



Morafe o solofela lephata la ntshodikuno la temothuo go tlamela – go ya ka ditekanyetso tsa naga e e rileng – bonnye ka dijo le dimatheriale tsa motheo ka ditlhotlhwa le go tswelela go dira jalo, go go rayang tiriso e e kwa godimo ya ditlamelwa tsa tlhago mo pakateleleng. Fela le gale maitlhomokakaretso ga a ne a lekana. Tiro kgotsa tirwana nngwe le nngwe e tlhoka maitlhomo kgotsa maitlhongwana a a kgethegileng a yona, fela tsotlhe tse di tshwanetse ka gale go tsamaelana le maitlhomomagolo a kakaretso. Sekao, montshadikuno yo o batlang go ntsha mmidi o tshwanetse gape go nna le maitlhomo a a kgethegileng a lekala la gagwe la mmidi, sekao, go jala diheketara di le 500 tsa mmidi o mohibidu ka ngwaga. Fela se le sona ga se ise se lekane. O sa ntse gape a tlaa tshwanela go tlhomamisa maitlhomo a tiragatso le ditshenyegelo gonne tse le tsona di tlaa mo kaela mo thulaganyong ya gagwe ya tiriso ya peo le monontsha.


Montshadikuno mongwe le mongwe o tshwanetse go tlhomamisa maitlhomo a sebele a gagwe. Botlhokwa jwa go tlhoma dintlhaphitlhelelo bo ka gatelelwa gape mme gape go tshwanetse go bontshiwe gore go botlhokwa mo montshadikunong go itlhaloganya sentle gore tota o batla go fitlhelela eng ka kgwebo ya temothuo ya gagwe. Fa go na le thulano magareng ga maitlhomo a, montshadikuno ka boene, o tshwanetse go akanya ka ditatelelo tse di kgethegileng le botho jwa gagwe mme a bee dintlha tsa ditlapele tsa gagwe ka botlalo. Mo thulaganyetsong ya kgato kgotsa ntlhaphitlhelelo efe kana efe e nngwe, o tshwanetse go netefatsa ka botlalo gore maitlhomo kgotsa tiro e e kgethegileng e,l di tsamaelanang le ditlapele tsa gagwe ka sebele le go tlhakana le maitlhomo a kakaretso.

 
Sengwe le sengwe se go fitlha gajaana se builweng ka maitlhomo se ka sobokanngwa ka kgopolotheo e le nosi. Maitlhomo a kgwebo ya temothuo ke tatelelo ya poelo e e kwa godimo ka tshiamelo ya gore ditlamelwana tsa tlhago (mmu, metsi, phulo, jj) di tlamelwa ka tsela ya gore di ka dirisiwa go ntsha thobo e e kwa godimo mo pakateleleng.


Gore a kgone, motsamaisi o tshwanetse

Go bo a tlhaloganya ka botlalo maitlhomo a gagwe, a pakakhutshwane le pakatelele ka bobedi;

Go rulaganya le go dira tekanyetso ya gore o ya go dirisa jang ditlamelwana tsa gagwe go fitlhelela maitlhomo a;

Go rwala maikarabelo le bothati jo bo tlhokegang go fetolela dithulaganyo tse go diragadiwa; le

Go simolola dithulaganyo tsa taolo tse di lekaneng go tlamela ka dipegelo tsa tswelelopele gore dikgato tsa paakanyo tse di ka tlhokegang di dirwe ka nako e e tshwanetseng.



Maitlhomo a tshwanetse go:

T – totobala;

L – lekanyega;

F – fitlhelega;

U – utlwalega;

N – tsamaelana le nako.



Go tlhoma maitlhomo

Go tlhoma maitlhomo go amana le “boeng” jwa tiro ya temothuo, go kaya go bona dikarabo tsa potso : “Re batla go fitlhelela eng?”



Maikaelelo le maitlhomo mangwe a akaretsa methalethale ya dikgwetlho, dingwe tsa botlhokwa tsa tsona e leng:

Go fitlhelela dintlhaphitlhelelo tsa thobo ka heketara – se se raya gore ntshodikuno ka heketara e tshwanetse go fitlhelela dintlhaphitlhelelo tse di tlhomilweng mo tekanyetsong ya ngwaga le ngwaga. Dintlhaphitlhelelo di farologana go ya ka kgwebo le kgwebo.

Go netefatsa gore dikuno tsa mafelelo di fitlhelela dipatlego tsa mebaraka – motsamaisi wa ntshodikuno, sekao, o tshwanetse go tlhoma maitlhomo a ntshodikuno go fitlhelela ditlhokego tsa mebaraka. Se e ka bo e le go ya ka bogolo, mmala kgotsa boleng jwa ka fa teng.

Go netefatsa gore tirego e a tswelela – se se raya gore tikologo ga e amiwe bosula kgotsa go sa tlhokafale ke ditirego tsa ntshodikuno; sekao, ka dikhemikale tsa go laola disenyi, menontsha, j.j gore dilekanyo tse di kwa godimo tsa ntshodikuno di tswelediwe mo pakatshelong yotlhe ya kgaolo ya ntshodikuno kgotsa kgwebo.

Go sala ka mo letlhomesong (framework) la Mekgwatiriso ya Temothuo e e Siameng (MTS) – MTS e batla tlhokomelo mo tirisong ya dikhemikale go netefatsa pabalesego ya badirisi botlhe, tirisong ya dibolayasenyi, dibolayafankase le menontsha ka tsela e e rulaganyeng, tlhokometsweng le akanyeditsweng, le tiragatso e e lolameng ya metsi go thibela tshenyego, kgotlelego le kgogolego.



Maitlhomo a tlaleletso a ka dira mo ditirong tsa temothuo tse di rileng; fela go fitlhelela maitlhomo a a boletsweng fa godimo go tlaa netefatsa katlego e e botlalo ya tiro eno.





