Study groups (Maize)								Tswana



Maitlhomo a setlhophathutano ke eng?



Instructions : 

Folio Strap : Ditlhophathutano

Byline: Jane McPherson motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA

Photos:



Nngwe ya diporojeke tsa botlhokwa mo Lenaneotlhabololong la BalemiruI ke tlhomo le tirelo ya ditlhophathutano.



Maitlhomo a porojeke e ke go rotloetsa bantshadikuno ba ba tlhabologang, ba ba nang le lefatshe, go tlhama ditlhophathutano tse di kopanang gangwe le gape go fitlhelela tshedimosetso le katiso tse di amanang le madirelo a mmidi.



Go tlhomilwe le go direla ditlhophathutano tse di latelang mo ngwageng otlhe:

Tonie Loots mo Bokonebophirima – ditlhophathutano tse 25;

Amos Njoro mo Bokonebophirima le Gauteng – ditlhophathutano tse 21;

Jerry Mthombothi mo Mpumalanga – ditlhophathutano tse 33;

Johan Kriel mo Foreisetata – ditlhophathutano tse 25; le 

Lawrence Luthango (o ntse a dira go tloga ka Motsheganong 2008) mo Kapabotlhaba – ditlhophathutano di le 14.



Ditlhogothuto tse di farologaneng di buisanetswe mo dipitsong le ditlhophathutano, mme di akaretsa tse di latelang:



Mebu le nontsho

Tseosekaommu, go dirisa boro ya mmu, boteng jwa mmu, katisegelo ya mmu le logogo lwa mmu, go tshelwa mmu ga llaeme, dipholo tsa tlhatlhobommu, botlha jwa mmu, kgono ya mmu, nontsho, ditlhokego tsa dimela tsa dikotla, bogona jwa dikotla mo mebung e, mekgwa ya tshugommu le tshomarelo ya bongola.



Ntshodikuno

Dikadimo go bantshadikuno – kamego e e feleletseng ya go adima madi, togamaano ya matlole, ditshenyegelo tsa ntshodikuno, diphopholetso tsa thobo, matlhajalo, botengjalo, methalethale, dipalopalo tsa dimela, tshwaetso ya tlelaemete mo ntshodikunong ya dijalo, khaliboreišene ya dikgatshi le dipolantere, dithefosanyodijalo, tiriso ka botlalo ya bokonteraka, go roba, ditengbongola tsa tekanyoboleng ya dithoro, poloko ya mmidi, ditshenyegelo tsa thorô, go reka ditlhagisakuno ka botlhale, mosola wa masalela a dijalo, thekiso ya dithoro, dikabo le kemonokeng go tswa kwa pusong.



Diterekere, didiriso le metšhine 

Ditshenyegelo tsa ditiro, ditlhokego tsa kW tsa didiriso tse di farologaneng, ditshenyegelo tsa dipaakanyo, ditlhokego tsa kW ka heketara, phokotso ya tshugommu go fokotsa ditshenyegelo le ditumelano tsa tseomolato.



Lefatshe le ditiriso tsa lefatshe 

O ka bona jang lefatshe, dipalelo tsa kgaolo, khiro ya lefatshe, pharologantsho ya mmu, le gore o ka kampana jang le bothata jwa boipei mo lefatsheng.



Disenyi le Malwetse 

Taolo ya sebokosegi mo masimong le taolo ya sebokophetlhi.



Mefero 

Mefuta ya mefero, taolo ya mofero ka dikhemikale le metšhine, taolo ya bojang mo meferong, dibolayatlhatshana tsa pele le morago ga tlhogo le go kgatsha ka mola kgotsa tshimo yotlhe.



Tsamaisomathata

Tshenyo ya sefako, inšorense ya sefako, inšorense e e akaretsang gotlhe le ditlhokego tsa inšorense.





