Study Group (Maize) 420 words							Setswana 
Tlhomomogopolo mo Setlhophathutanong sa Kapabotlhaba 
Instructions:
Folio strap: Porofaele 
Byline: Lawrence Luthango, mogokaganyi wa porofense, wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA 
Use the South African map and show where the Eastern Cape is
Mo kgaolong e go na le diheketara di le 2 152 tsa lefatshe la temo le le dirisiwang ke ditokololo tsa ditlhophathutano. Se ke lefatshe la morafe, lefatshe le e leng la puso fela le laolwa ke pusomorafe. Molemirui mongwe le mongwe o na le “tshwanelo ya tiriso” e e lekanang le tumelano ya khiro. Molemirui ga a kitla lefatshe e nna la gagwe, fela lefatshe ga le kitla le amogwa balosika.
Mo setlheng se, balemi ba reteletswe ke go jala diheketara di le 857. Go na le mabaka a le mmalwa a a tlhodileng se, a a akaretsang ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa ditsenngwateng gammogo le ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa go dirisa borakonteraka. Balemirui ga ba kgone go ithekela didiriso le diterekere tse e leng tsa bona ka ditlhotlhwa tse ba di amogelang mo dithorong tsa bona tse di kwa tlase mme poelo e le nnye. Bontsi jwa balemirui ba ba sa ntseng ba dirisa lefatshe le ba tsofetse mme ba ikantse diphenšene. Balemirui ba ba tsofetseng ga ba letlege go bona thuso ya matlole jaaka dikadimo go tswa dibankeng mme ga ba kgone go oketsa lefatshe le ba le lemang ka madinyana a ba nang nao.
Bogolo jwa lefatshe la temo ga bo a agelelwa ka jalo balemirui ba lebagane le ditatlhegelo go tswa mo loruong lo lo fulang mo masimong a a jetsweng. Lenaneo la CASP la Lefapha la Temothuo le bonya thata mo mafaratlhatlheng a a tshwanang le metheriale wa kagelelo. Lenaneo la ntshokuno ya dijo le le sephara le wela tlase ngwaga le ngwaga mme ke balemi ba se kaenyana fela ba ba thusiwang ke lenaneo le go jala dijalo tsa bona. Balemirui ba Magae ba dira dikopo kwa lenaneong la ASGISA le le berekang lefatshe la merafe kwa ntle ga go akaretsa beng ba lefatshe. Se ga se tharabololo e e ka itshegeletsang ka re itse gore ASGISA e sa tlhole e bereka masimo, a tlaa dika gape ka go se na phetisetso ya bokgoni le maatlafatso ya nnete e e diragalang. Maemo a letobo.
Ditokololo tsa setlhophathutano di kopana gangwe ka kgwedi. Go na le boleng jo bogolo go nna karolo ya setlhophathutano ka balemirui ba kgona go arogana dikakanyo le go tlhagisa ditlhokego tsa katiso tsa bona gammogo le go abelana kgakololo le kemonokeng. Balemirui ba magae ba kgakala thata le balemirui ba bagwebi mme go na fela le palonyana ya balemirui e nnye e e dirang temothuo mo selekanyong sa bogwebi. Tlhabololo mo dikgaolong tse e bonya, fela ke itumela go ka bega gore tswelelopele e a bonala. Balemi ba dirisa dipeo tsa maidi, monontsha le go tsaya matsapa a magolo go laola mofero mo masimong a mmidi a bona.
