Study Group (Maize)									Setswana 
Tsepamisomogopolo mo Setlhophathutanong sa Khanyayo
Instructions:
Folio strap: Porofaele
Byline: Ian Househam, mogokaganyi wa Porofense wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA 
Use the South African map and show where the Northern Eastern Cape is.
Photo 1: Setlhophathutano sa Khanyayo mo pitsong ya setlhophathutano.
Photo 2: Modulasetilo wa Setlhophathutano sa Khanyayo rre Magidela fa pele ga mmidi wa gagwe.
Leina la Setlhophathutano
Setlhophathutano sa Khanyayo.
Setlhophathutano se kwa kae?
Setlhophathutano se mo kgaolong ya magae e e nang le mafaratlhatlha a mannye thata kgotsa a a se yong gotlhelele, dikhilomitara di ka nna 60 go tswa Bizana mo bokone jwa Kapabotlhaba.
Botokololo jwa setlhophathutano
Setlhophathutano se na le ditokololo di le 100. 
Lefatshe la temo le le gona la ntshokuno
Go na le lefatshe la temo la ntshokuno la diheketara tse 100.
Palogotlhe ya diheketara tse di jetsweng setlheng sa 2010/2011
Diheketara tse 40.
Mabaka a a gore goreng go sa jalwa lefatshe lotlhe la temo?
Tlhaelo ya matlole.
Tlhaelo ya ditsenngwateng.
Tlhaelo ya didiriso. 
Tlhaelo ya logora lwa thekeletso. 
Tlelaemete – mo tshimologong ya setlhajalo sa 2010, pula e nele thari mme go ne go tsopotlega ga ka jala ka nako.
Sekgala sa go tswa batlameding ba ditsenngwateng, sekao monontsha, peo le dikhemikhale.
Setlhophathutano se kopana ga kae?
Setlhophathutano se kopana le ba Grain SA gangwe mo kgweding mme bona ba kopana beke le beke go buisana ka tsa temothuo.
Dipoelo tsa go nna tokololo ya setlhophathutano ke eng?
Dipoelo tsa go nna tokololo ya setlhophathutano ke phetiso ya kitso, dipuisano tsa setlhophathutano, go bona mekgwatiriso ya temo e e nepagetseng go tswa dikaong tsa tseommu, jalong, tshelong ya dibolayatlhatshana le ditekelelo. Setlhophathutano sa Khanyayo se ntse Lesego la go tsenela Khoso ya Tlhagiso mo Mmiding.
A go na le tirisano magareng ga setlhophathutano le lephata la temothuo la bogwebi?
Ga go ise go nne le balemirui ba bogwebi mo tikologong gajaana.
Setlhophathutano se ungwileng go tswa Grain SA?
Ka moele wa dipitso tsa setlhophathutano, ba bone kitso ka go kgona go buisana le go golagana ka dipoelo le dithapolo tsa mekgwatiriso ya go jala e e nepagetseng.
Ditshupetso tsa ditekelelo di ntse le tshusumetso mo dipoelong tsa tiriso ya dikhemikale le monontsha.
Ka ntlha ya go tlhama setlhophathutano, ba tlhamile setlhopha sa theko ka fa gare ga setlhophathutano go reka dikhemikale le monontsha.
