Study Group (Maize)									Setswana
Tlhomomogopolo mo Setlhophathutanong sa Uphuzane
Instructions:
Folio strap: Porofaele
Byline: Jurie Mentz, mogokaganyi wa porofense wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA 
Use the South African map and show where Uphuzane is (Paulpietersburg)
Leina la sethophathutano 
Setlhophathutano sa Uphuzane.
Setlhophathutano sa Uphuzane se kwa kae?
Uphuzane e letse dikhilomitara di ka nna 25 go tswa Paulpietersburg kwa karolong ya bokone wa Kwazulu-Natal fela gaufi le Noka ya Bivane. E ke kgaolo e tala ya selegae ka mafaratlhatlha a a bokoa mme bantshakunoba tlhaela bokgoni le kitso go ka kgona go dira temothuo ka boitshegeletso le boikemelo.
Botokololo jwa setlhopha 
Setlhophathutano se dirwa ke banna le basadi ba ba gakaletseng go ithuta le go tokafatsa lotseno lwa bona go tokafatsa matshelo a bona le go dirisa metswedithuso ya tlhago go bona botoka. 
Lefatshe la temo le le gona 
Gajaana bantshakuno ba dirisa bokana ka diheketara di masomeasupa tsa lefathse la temo fela go sa ntse go na le masimo a magola a le mantsi.
Mabaka a lefatshe le le sa dirisiweng ke afe?
Mabaka a lefatshe le le sa dirisiweng bogolo thata ke go tlhoka go nna teng ga matlole; ka gore masimo a bona a mo le faatsheng la morafe mme batlamela ka matlole ba ngodiega go adimana ka madi. Bothata jo bongwe ke tirisometšhine, tlhaelo ya diterekere le didiriso.
Setlhophathutano se kopana ga kae?
Setlhophathutano se kopana gangwe fela ka kgwedi go buisanela mathata le gore ba ka dirisa jang metswedithuso e e lekanyeditsweng ya bona.
Mesola ya go nna tokololo ya setlhophathutano ke efe?
Kgakgamalo e kgolo mo go nna e ntse go bona fa bantshakuno ba simolotse go dirisa mekgwatiriso ya ntshokuno ya segompieno (go sa lemeng) mo setlheng sa 2009/2010 ka katlego e kgolo. Mo setlheng seno ba okeditse tota tiriso yam midi wa go-sa-lemeng gotlhelele ka katlego e kgolo le go gaisa. Keletso ya bona go fetoga mo mekgweng ya bona ya bogologolo ya go jala mmidi go tsena tseleng ya segompieno e supa gore gab a kgatlhanong le go fetoga le gore katiso le tlhabololo di ungwa maungo. (walala wasala)
Bantshakuno ba lemogile gore ba bona tshedimosetso le kitso e ntsi mo go nneng tokololo ya setlhophathutano le go tsenela malatsi a balemirui. Tsela nngwe ya go bona maitemogelo a mantsi ke go dirisa dipoloto tsa tekelelo go bontsha bantshakuno tsela e e tshwanetseng le ya segompieno eno ya go jala mmidi.
A go na le tirisano magareng ga setlhophathutano le lephata la temothuo ya bogwebi?
Go na le tirisano magareng ga ditokololo tsa setlhophathutano le bantshakuno ba bagwebi ba selegae, fela sekgala go tswa kwa go bona le bantshakuno ba bagwebi ke kgwetlho. Setlhopathutano se na le botsalano jo bo edileng le Lefapha la Temothuo le bantshakuno ba bagwebi mo kgaolong.
