Study Group (Maize)									Setswana 
Tsepamisomogopolo mo Setlhophathutanong sa Ficksburg 
Instructions:
Folio strap: Porofaele 
Byline: Johan Kriel, mogokaganyi wa porofense wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA
Use the South African map and show where Ficksburg is
Leina la Setlhophathutano 
Setlhophathutano sa Imperani (Ficksburg).
Kgaolo e e direlwang ke setlhopha
Ficksburg le Rosendal.
Botokololo jwa setlhopha
Ditokololo tse 35.
Lefatshe la temo la ntshokuno ya dithoro le le gona 
Diheketara tse 1 510.
Palogotlhe ya diheketara tse di lemilweng mo setlheng sa 2010/11
Diheketara tse 289. 
Lebaka la gore lefatshe la temo le bo le sa jalwa ke eng?
Mabaka a gore bontsi jwa diheketara bo bo sa lengwa ke:
Mathata a go bona dikadimo tsa ntshokuno; 
Tlhaelo ya didiriso tse di ikanyegang;
pH ya mmu e e kwa tlase;
Seemo se se kwa tlase sa fosefeite ya mmu;
Mathata a loruo go tswa ka kwa Lesotho;
Masimo a a dikang dingwaga tse dintsi;
Tlhaelo ya kemonokeng go tswa Pusong; le 
Lefatshe ke la ditlhopha tsa batho, mme ga go botlhofo go bona khepetlele ya ntshokuno.
Setlhophathutano se kopana ga kae? 
Setlhophathutano sa rona se kopana gangwe fela mo kgweding go buisana ka lenaneo la korong le ka kgwedi nngwe le nngwe ya bobedi ka lenaneo la mmidi. 
Mesola ya go nna tokololo ya Setlhophathutano ke eng?
Jaanong re itse ka ga se se diragalang mo madirelong a dithoro e bile re itse ka ga ditšhono mo mofameng wa temothuo. Re na le thulaganyo ya kemonokeng e re itshegetsang ka yona fa mathata a le teng.
A go na le tshwaragano magareng ga Setlhophathutano le lephata la balemi ba bagwebi? 
Ka dinako dingwe re kopana le montshakuno wa mogwebi ka boena kwa difantising mme re utlwe mowa wa morafe wa temothuo ka bophara.
A lo batla go kopana le Setlhophathutano sa bantshakuno ba bagwebi e bile ke eng lo gopola gore go mosola go dira jalo?
Go botlhokwa thata gore rona jaaka bantshakuno re bue ka lentswe le le lengwe. Montshakuno yo o tlhabologang ke montshakuno wa dijo wa mogwebi yo o tlhogang. Fa re simolola mmogo, re buisana le go emana nokeng, go tlaa maatlafatsa bantshakuno botlhe. 
