Study (OPOT) 										Setswana

		

Ditlhophathutano di diragatsa maitlhomo a tsona



Instructions: 

Folio strap: Ditlhophathutano

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Go direla bantshakuno ka bongwe ka bongwe go bonya e bile go tlhotlhwagodimo. Go fokotsa ditshenyegelo go a isega, go kgobokanya batho ba dikgatlhego le dikgono tse di tshwanang mme o ba direle ka go tshwara dipitso gangwe le gape. Porojeke e e tswelela go fitlhelela maitlhomo a yona – go phasalatsa kitso, bokgoni le tshedimosetso mo bantshakunong ba ba tlhabologang mo dikgaolong tse di farologaneng.



Re lemogile gore fa nako e ntse e ya, dipalo tsa ditokololo di wela tlase ka gore e le fela bantshakuno ba ba nang le kgatlhego le tlhaloganyo ya bogwebi ba ba salang go tswelela. Se se bonala bogolo mo porofenseng ya Bokonebophirima foo lenaneo le le ntseng le dira dingwaga tse dintsi. Mo dikgaolong tse ditlhophathutano di sa tswang go tlhomiwa, bogolosegolo mo dikgaolong tsa semorafe, bothata jo bogolo ke go leka go lekanyetsa bogolo jwa setlhopha. Mo dikgaolong dingwe go na le bantshakunopotlana ba ba ka nnang 200 ba ba batlang go nna ditokololo tsa setlhophathutano!



Monongwaga re diretse ditlhophathutano tse 128 mo kgaolong yotlhe e re e direlang ka dikantoro tsa diporofense. Mo palong e go akareditswe ditlhophathutano tse robedi tse di leng karolo ya porojeke ya korong kwa Foreisetatabotlhaba. Mo dipitsong go sekwasekwa ditlhogo tse di latelang:



Botlha jwa mmu le petoesete;

Botlhokwa jwa go tlhopha mmu wa ntshokuno ya dithoro;

Tsamaiso ya mmu;

Tshugommu le boleng jwa yona;

Katisegelo ya mmu le tshwaetso ya ona mo ntshokunong;

Tlhaelo ya dikotla mo dijalothorong;

Tshomarelo ya bongola;

Tlhopho ya mofutapeo;

Modiko wa ntshokuno – mmu, tshugommu, tlhopho ya mofutapeo, taolomofero le nontsho;

Taolomofero – semotšhine le sekhemikale;

Tshwaro e e babalesegileng ya dikhemikale tsa temothuo;

Nontshogodimo; 

Taolo ya sebokophetlhi le disenyi tse dingwe;

Roundup ready le BT – maize;

Boleng le ditshenyegelo tsa inšorense ya ditsenngwateng;

Poloko e e babalesegileng ya mmidi;

Go dira tekanyetsokabo le togamaano – ditshenyegelo tsa tota tsa ntshokuno;

Botlhokwa jo bo masisi jwa teponako mo modikong wa ntshokuno;

Thekiso;

Tirisometšhine – sengwe sa dilotlele tsa kgwebofatso;

Mokgwa wa go reka didiriso tse dikgologolo tse di siameng;

Ditlhokego tsa FICA le Molao wa Tseisomolato;

VAT le phokoletso ya disele; 

Seabe sa setlhophathutano jaaka setlhophatheko;

Dikotsi tsa molelo mo masimong a mmidi o o buduleng;

Tsela ya go rulaganyetsa setlha se se tlang fa ponelopele ya bosa e sa siamela ntshokuno ya dijalo.



Mo dikgweding di le mmalwa tse di sa tswang go feta, re ntse re kopana le tokololo nngwe le nngwe ya setlhophathutano ka sebele, ka maikaelelo a go kgobokanya tshedimosetso ka motho mongwe le mongwe mabapi le palo ya diheketara tse di jetsweng, palo le maemo a diterekere, dipolantere, dikgatshi le didiriso tsa tshugommu. Re solofela go ka fitlhelela tlamelo ka matlole le kemonokeng ya lenaneo la thulontšhwafatso ya didiriso tse – didiriso tsa semotšhine tse di siameng di botlhokwa thata mo ntshokunong ya bogwebi. Ka kgatelelo e e nepagetseng mo poelong mo ntshodikunong ya dithoro, bogolo jwa didiriso tse bo ntse bo itlhokomolositswe gonne go se na madi a a lekaneng go thula le go tlamela didiriso tse. Kgang e e tshwanetse go tsewa tsia thata fa bantshakuno ba bantsho ba tshwanela go tlatsa maemo a bona a a tshwanelang jaaka bantshakuno ba bagwebi.



