Sprayers									Tswana

Tlamelo, phepafatso le poloko ya “boom sprayers”



Instructions:

Folio strap: Tlamelo 

Byline: Jane McPherson, Motsamaisalenaneo la Lenaneotlhabololo la Grain SA, go akaretsa ditshwaelo tsa botlhokwa go tswa badirammogong ba ba farologaneng



Mo kgannyaneng e e ka ga taolomofero e e bokoa mo go Pula-Imvula ya Hhakole, 2008, lengwe la mabaka a a kgonegang le le tlhagisitsweng e ntse seemo sa “boom sprayer”. Go bonala seno e le bothata jo bo tlwaelegileng gotlhe – ke gona ka moo re tlhagisang kganyana e.



Hamelo e e tshwanetseng le dithekemiki tsa poloko ga di lolamise fela dipaakanyo tsa pele ga setlha tsa ngwaga o o tlang, fela gape di godisa tiragatso ya sekgatshi fa gape di tlaleletsa ka dingwaga tsa botshelo jo bo tletseng maungo jwa sona. Pepentsho ya paka e telele mo dibolayasenying tse di fetang ka sekgatshi di ka ja le go koafatsa dikarolo tsa sekgatshi, pente le digokedi tsa motlakase. Maselela a a tswang mo dikunong tse a ka nna kotsi mo mongweng le mongwe yo o dirang ka kgotsa go dikologa motšhine. Gape dithothinyana tsa dibolayasenyi tse di iphitlhileng mo dikarolong tsa sekgatshi di ka bolaya dijalo fa di ka fetelela kwa setlaeng se se latelang sa kgatsho.



Pabalesego ya sebele ya gago le ya balapa la gago, badiredi le dijalo di dira gore go nne botlhokwa gore tlhatswe le phepafatsa thata sekgatshi sa gago mo setlheng, fa gare ga dialo le pele o se boloka mo marigeng. Gakologelwa gore bontsi jwa dikhemikale tse di dirisiwang mo temothuong di kotsi mo dimeleng le/kgotsa diphologong mme ka jalo go tshwane tse go tlhokomelwe thata go tlhaloganya bokotsi jo bo foo le go laola seemo ka fa go ka kgonegang ka teng.



Go phepafatsa sediriso sa sekgatshi

Tirego e e feleletseng ya tlamelo le poloko e na le dikgato di le tlhano.



Kgato 1: Buisa

Pele o ka simolola go phpafatsa sekgatshi sa gago, netefatsa gore gore o buisa setshwaokaelo ya serelasenyi se se dirisitsweng. Setshwaokaelo se tlaa:

Go bolelela gore o latlhe jang maselela a kuno.

Go tlamela ka ditaelo tsa phepafatso dingwe tse di kgethegileng tse di ka tlhokegang.

Dikuno tsa kgotlololo tse di atlanegisiwang.

Go go tlhalosetsa sentle ka Didiriso tsa Ishireletsego ya Sebele (DTS) tse o di tlhokang go phepafatsa sekgatshi sa gago ka pabalesego.



Kgato 2: Tsokotsa

Maitlhomo a go tsokotsa ke go tlosa kuno mo dikgaolong tse di loileng kgotsa tse dikgolo e e ka bong e sa ntse e le mo sekgatshing. Sediriso sa phepafatso ya sekgatshi se akaretsa metsi a a sa emeng go tsamaya le thulaganyo yotlhe le go a tshela mo lefelong le le kailweng mo setshwaokaelong sa sebolayasenyi se o se dirisitseng (ka mafoko a mangwe go kgatsha motswako wa khemikale wa metsi/tharoloso, o jaanong o bidiwang “nnsate” mo kgaolong e e babalesegileng).



Gore o tlhomamise gore o phepafatsa tanka gammogo le dipeipi le dinosele, tshela tanka go tlala bogare ka metsi a a phepa mme o kgweetse terekere sekgala se sekhutshwane mo ditseleng polase – go tlolatlola mo tseleng go tlaa kgotlhokgotsha metsi le go netefasa gore a gasa leteng botlhe la tanka. Ditsokotso tse di mmalwanyana o dirisamothama o monnye (go fitlha 10% ya mothano wa tanka ya sekgatshi di botoka thata go gaisa go tlatsa tanka lepeepee gangwe fela ka metsi a a phepa. Go ka nna botlhale go boeletsa tirego ya tsokotso bonnye makgetlo a mararo.



Hhopha lefelo leo motsokotso (rinsate) o se neng o kgotlela dittamelo tsa metsi, melapo, dijalo le dimela tse dingwe, le foo go se neng go nna megojwana teng, le go tlholela batlu, diphologolo le tikologo matlhotlhapelo. O ka o kgatsa mo molelwaneng wa tshimo kgotsa fa thoko ga tsela ya polase. 



Netefatsa gore o minolosa tanka ya sekgatshi ka mokgwa o o tsamaisanang le setshwaokaelo sa sebolayasenyi. O se ke wa bula dibelofo fela mme oa se lella go tshologela mo fatshe. Go kela dinosele tsa mothama o mogolo go bona mokgwa o o bonako le semolao go latlha motsokotso wa sekgatshi. Bokafantle jwa sekgatshi le jona bo tshwanetse go tlhatswiwa. Gape fa o tsokotsa sekgatshi; o se ke o a dira megojwana e e ka fitlhelelwang ke bana, meotlwana loruo le diphologolo tsa naga.



Kgato 3: Minolasa

Go tsholola motsokotso wa sebolayasenyi go ya ka ditaelo tsa setshwaokaelo, tshela motsokotso mo lefelong leo dikuno di tlaa dirisiwang mo go lona kwa tshimologong (gape, go tsamaya le molelwane wa tshimo foo khemikale e kgatshitsweng gantsi ke lone lefelo le le siameng). Boeletsa tirego ya minolos morago ga kgotlololo le go tsokotsa sekgatshi gape. Netefatsa gape gore o minolosa le metsi a a phepa mangwe le mangwe a go tsokotsa tanka pele ga go e boloka go efoga tshenyego e e ka tlholwang ka go gatsela a metsi ka fa teng.



Kgato 4: Tlhatlhoba

Morago ga tsokotso ya bofelo o ka tlhatlhoba sekgatshi sa gago le go diria dipaakanyo le diphetolo tse di tlhokegang. Le mororo sekgatshi se phepafaditswe, ka gale apara diaparo tsa tshireletso tsa gago. Masalela mangwe a ka salela sekgatshing.



Dilo tse o tshwanetseng go di baya leitlho ka nako ya le morago ga phepafatso:

Dinosele tse di sa tsamaelaneng le go onala.

Disekerim tsa dinosele tse di senyegileng.

Disekerini tsa sefo tse di senyegileng.

Manga, madutlo le tiragatso ya kakaretso ya pompo.

Maemo a matirompo, bogolo go phanyega le manga.

Maemo a belofo, go bona madutlo a a ka nnang teng kgotsa dikgaolo moo dithibo di ka bong di repile.

Karolo ya “boom”, bona maphanyego a a ka nnang teng le go baakanngwa.



Kgato 5: Poloko

Jaanong ka sekgatshi se phepafaditswe ka botlalo, o ka batla go tlosa dikarolo dingwe tsa sona tse di ka senyegang ka nako ya poloko.

Hosa disefo mme o di tlhatswe ka letsogo mo metsting a sepa (gakologelwa go rwala ditlelafo tse di emelanang le khemikale), di tsokotse mme o bo o di boloka kgotsa o di busetse gape mo sekgatshing.

Hlokomela thata dinosele, mebele ya dinosele le ditšhekebelofo. Masalela a dikhemikale a ka bopelela mo dikgaolong le go oma thata mo marigeng, mme se sa fokotsa thata tiragatso ya sekgatshi mo setlheng se se latelang.

Hosa dinkwana tsa dinosele, disekerini, ditšhekebelofo, dikhurumelo le mebele ya dinosele go tswa mo dikopanyo tsa mmele wa nosele. Gokela dikopanyo ka nepo.

Hlatswa le go tsokotsa dinkwana tsa dinosele, mebele ya dinosele mme o tlhole dibelofo, Di boloke mo sebolokelong se se tshwaileng. Boloka ditšhekebelofo mo themphereitšha tsa boswakgapetta.

Hosa dilekanyikgatelelo tsotlhe mme o khwuimele diphaltha tsotlhe mo sekgatshing. Boloka ditekanyi (gauges) tsotlhe foo di ka se keng tsa gatsela kgotsa senyega.

Kwa bafelong tsamaisa sekganela go ya le sekgatshi le dipeipi tsotlhe, go tseeletsa di-boom, dibelofo, manifouloto, dimeterakelelo le dillaene tsa kgotlhokgotso. Letla sekganekgatsetso go dikologa le mathompo a “boom”. Se se tlaa simega boteng jwa lethompo go thibela go oma le go phanyega. Go khurumela dinosele tsa “boom” tsotlhe go tlaa thusa go tshola sekganelakgatsetsa go dikologa le mathompo a “boom”. Se se tlaa simega boteng jwa lethompo go thibela go oma le go phanyega. Go khurumela dinosele tsa “boom” tsotlhe go tlaa thusa go tshola sekganelakgatsetsa mo thulaganyong, fela o ka tlhoka go bula e le nngwe di le pedi tsa dinosele go letla sekganelakgatsetsa go dikologa mo “boom”. Khurumela dinosele tseo fa sekganelakgatsetsa se tladitse thulaganyo yotlhe ka botlalo.

Maitlhomo a paka ya poloko ke gore sekganelakgatsetsa se kgorometse masalela a metsi a a ka bong a le mo thulaganyong le go silega tsotlhe tsa dikarolo tsa sekgatshi. Letta sekganelakgatsetsa go nna mo pompong le dibelofo go efoga go rusu le tshenyego tse di ka tlholwang ke mowa o o bongola o o tshwaregile mo thulaganyo. Ka gore ditshedi dingwe di tlosa pompo pele ga poloko, tsenyo ya dibelofo tse di tswalang mo matlhakoreng oobedi a pompo e ka bebofatsa tirego.

Sekganelakgatsetsa sa dirori tsa toithabiso se tlwaelegile go dirisediwa poloko ya dikgatshi tsa temothuo. Go farologana le sekganelakgatsetsa sa mebotoro ga se botlhole jalo mo diphologolong. Le fa dikuno tsa sekganelakgatsetsa sa diroritsa boithabiso tse dintsi di tlaa thema mo maemong a a tsididi go feta, ga di a tshwanela go gatsela. Le mororo go le jalo, biusa ka gale setshwaokaelo sa sekganelakgatsetsa netefatsa gore setlaa dira sentle mo maemong a mariga a gago.

Jaanong ka sekgatshi se phepafaditswe, se kgotlolotswe le go sirelediwa mo marigeng, se siametse go bolokwa. Go mo pepeneneng gore ke ka fa gare ga ntlo fa go eletsegang go se boloka kgakala le tshottako dielemente tsa tlhago. Fela le gale lefelo la ka fa gare lengwe le lengwe le o le tlhophang le nne kgakala diedi le menontsha e e omileng. Lorole le masalela a a tswang mo dikunong tse di ka ja pente le ditshipi tsa sekgatshi.

Fa o sa batle go dirrusa itthophelo ya sekganelakgatsetsa mo polokong, ke mokgwatiriso o o siameng go golola pompo ya yunite ya sekgatshi le go e boloka mo setorong go fitthela settha se se latelang. Go le gontsi metsi salela mo pompong mme mo dikgweding tse di tsididi tsa mariga, metsi a a mo pompong a a gatsela a bo a phantsha pompo – a dira gore e tlhoke mosola.



Go tlamela (maintaining) sediriso sa sekgatshi. 

Hamelo ya sediriso sa go tshela sebolayasenyi e akaretsa tlhatlhobo ya gangwe le gape ya tanka ya sekgatshi, pompo, mathompo, disefo, dilekanyi tsa kgatelelo, dinkwana tsa dinosele le diminolosi. Sekaseka sekgatshi pele ga le go latela poloko e telele, le pele ga tiriso nngwe le nngwe. Gakologelwa ka gale go apara didiriso tsa tshireletsego tsa sebele fa o dira ka didiriso tsa sekgatshi.



Ditanka tsa kgatsho: Ditanka tsa kgatsho di dirilwe ka tshipi e e tüsitsweng (stainless and galsanised), faebtlelase kgotsa polasetiki, go tseeletsa pholithelene kgotsa pholiporophelene. Dimetheriale tse di batla di sa monyele diela, ka jalo go se ke ga tlogelwa masalela a sebolayasenyi mo go tsona morago ga go phepafadiwa. Fela le gale boteng jwa lebota la tanka ya faebatlesase fa bo ngapiwa bo tlaa monyela dibolayasenyi. Maphanyego le diphatsana mo tshilegong ya ditanka tse di galefanaese, di tshwanetse go baakanngwa ka metheriale wa ephokosi, go seng jalo metale o o pepentshitsweng o tlaa jega. Fale le fale, tlhatlhobela ditanka maphanyego, rusu kgotsa jego tse di ka koafatsang tanka mme morago tsa fetoga diphatthana tsa go dutla. Netefatsa gore tanka ya kgatsho e bofeletso ka pabalesego mo sekgatshing.



Pompo le dithio tsa pompo: Pompo le ditsompelo tsa yona tsotlhe di tshwanetse tsa bo di le mo maemong a tiro a a siameng. Dithibo tsa pompo, direng tsa “O” kgotsa diwašara tsa khapo tssa lettalo kgotsa metheriale wa senthetike di ka oma le go kunyela fa sekgatshi se na le paka e telele se sa dirisiwe kgotsa se sa bolokwa sentle. Ditlhaolosi mo dingweng tsa mere ya dibolayasenyi di ka senya dithibo tsa pompo, ka dittamoragp tsa go dutla go dikologa pompo kgotsa go pompa go go bokoa.



Mathompo (hoses): Emisetsa mathompo a a phanyegileng le go dutla. Gakologelwa gore mathompo a a dirisitsweng go tshela dibolasenyi a ka se ke a bo a kgotlololwa gotlhelele. Go tlaa sala ka gale go na le masalela a sebolayasenyi a a setseng mo go ona. Otlhe a a tshwanetseng go latlhwa a tshwanetse go latlhwa sentle mme a se ke a bo a dirisediwa sepe gape.



Disefo tsa Uaene le disekerini: Ka gale dirisa disefo le disekerini fa sediriso se le mo tiragatsong. Isona di tlhotlha mattakala le dilwana tsa seeng tse di ka thibang dinosele le go fokotsa tiragatso ya sekgatshi.



Dilekanyi tsa kgatelelo: Kgatelelo ya seedi mo thulaganyong ya kgatsho e beilwe leittho ke selekanyi se kgatelelo. Selekanyi se lekanya kgatelelo ya kgatsho go ralala dinosele fa se beilwe magareng ga selaolakgatelelo le dinosele tsa kgatsho. Kwa bofelong phetogo mo kgatelelong e ka raya gore go na le kgonega ya go sa diriseng sentle. Netefatsa gore dilekanyi tsa kgatelelo di mo maemong a go dira a a siameng le go khaliboreitiwa ka tshwanelo.



Difiting le ditlelempe: Difiting tse di repileng kgotsa phanyegileng gantsi ke motsedi wa go dutla. Netefatsa gore difiting le ditlelempe di siame thata pele go ka bewa thulaganyo mo kgatelelong le go pompa seedi. Gangwe fela fa thulaganyo e setse e le mo kgatelelong, tlhola fa go duttang.



Dinkwana tsa nosele le disefo: Hlola dinosele gangwe le gape go netefatsa gore ga di a thibana. Dinosele tse di onetseng di raya gokgatshiwa go gontsi ga khemikale, mme fa gongwe go tlhola paterone ya kgatsho e e sa tshwaneng le dipholo tse di sa tsamaelaneng. Diphatlhana tsa nosele di sa ntse di ka fetoga, bogolosegolo fa ditswako tse di kgobalang, jaaka dipoere tse di kolobediwang, di dirisiwa gangwe le gape. Fa go peita ga nosele go le bonya go na le jaaka go solofetswe, phepafatsa dinosele mme o leke gape. Go ka nna fela gore dinosele di ne di thibane.



