Soybean (OPOT)									Setswana 
Soyabini – sejalo se se gakgamatsang le sejo se se gakgamatsang!
Instructions:
Folio strap: 
Byline: E baakantswe go tswa go Wikipedia, ensaetlelophidia ya mahala
Photo: Soyabini 
Go buiwa thata ka soyabini le boleng jwa yona mo thefosanyong dijalo le mmidi. Fela jaaka dijalo tse dingwe tse di sa bolong go dirwa tsa legae, tshwaragano ya soyabini ya segompieno le mefuta e e tlhogang fela mo nageng ga e kgone go latedisiwa ka nefatso e e feletseng. 
Jaaka Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA re solofela go tsena mo lenaneong le la Oil and Protein Seeds Development Trust go rotloetsa montshakuno yo o tlhabologang go ntsha soyabini – jaaka sejalo sa kgwebo le gape jaaka motswedi wa selegae wa poroteine ya boleng jo bo siameng.
Tlhaloso le Dipharologantsho tsa popego
Soya e farologane ka kgolo le mokgwatshelo. Bogodimo jwa semela bo farologana go tswa kwa tlase ga 20 cm go ya 2 m. Diphotlwa (pods), dikutu le matlhare di khurumeditswe ke boboa jo bo boleta jo borokwa kgotsa bokwebu. Matlhare a na le matlhatshana a mararo go ya nne ka letlhare, mme matlhatshana a boleele jwa 6 – 15 cm le bophara jwa 2 - 7 cm. Matlhare a tlhotlhorega pele ga peo e butswa. Dithunya tse di sa bonaleng tse di itulafatsang di tswa mo aseng ya letlhare mme di ditshweu, dipinki kgotsa selaole. Leungo ke sephotlwa se se boboa se se golang ka dikgotlhwana tsa tharo - tlhano, sephotlwa sengwe le sengwe se boleele jwa 3 – 8 cm mme gantsi se tshola ditlhaka di le 2 - 4 (ga go bonolo go feta fa), le molagare wa 5 – 11 mm.
Disoyabini di tlhagelela ka bogolo (sizes) jo bo farologaneng le ka makapi a mebala e mentsi, go akaretsa bontsho, borokwa, bopududu, bosetlha, bosweu le marabata. Lekape la peo e e buduleng le thata, le emelana le metsi le go sireletsa khotilitone le haephokhothile go senngwa. Fa lekape la peo le phanyegile, peo ga e ne e tlhoga. 
Mmogo, diteng tsa oli le poroteine di dira 60% ya soyabini e e omileng ka boima, poroteine e le 40% fa oli e le 20%. Masalela ona a dirwa ke 35% ya dikhabohaetereite le 5% ya molora. Mefutapeo ya soyabini e dirwa ke 8% ya lekape, 90% ya khothilitone le 8% ya haepokhotile. 
Kotlo 
Go jewa ke batho, disoyabini di tshwanetse di apewe ka mogote o o metsi gore o kgone go bolaya “trypin inhibitors”. Disoyabini tse di sa apewang, go akaretsa le tse ditala ka mmala tsa boramolekwane, di botlhole mo bathong, dikolobe, dikoko, tota a ke re diphologolo tsotlhe tsa mala a molamongwe. 
Disoyabini di tsewa ke maphata a le mantsi jaaka motswedi wa poroteine e e feletseng. Poroteini e e feletseng ke e e nang le dilekanyo tsa botlhokwa tsa diamino esete tsotlhe tsa botlhokwa tse go tshwanetseng ga tlamelwa mmele wa motho ka tsona ka ntlha ya mmele go sa kgoneng go di tlamaganya. Ka ntlha ya se, soyabini ke motswedi o o siameng wa poroteine, gareng ga tse dingwe, mo bajamerogong kgotsa batho ba ba batlang go fokotsa selekanyo sa nama e ba e jang. 
Poroteine ya soya e tshwana fela le ya dipeo tsa monawa tse dingwe. Go feta foo disoyabini di ka ntsha bonnye poroteine e kana ka gabedi ka heketara go na le morogo kgotsa dijalothoro dingwe fela tse di dikgolo. Go ntsha poroteine e ntsi ka heketara ga makgetlo a matlhano go ya lesome mo lefatsheng le le beetsweng thoko go fudisa diphologolo go ntsha mašwi le go fitlha makgetlo a 15 a poroteine e ntsi ka heketara go feta lefatshe le le beetsweng thoko go ntsha nama. Go jewa ga soya gape go ka fokotsa riseke ya kankere ya lela le legolo. 
Temo 
Disoyabini ke dijalo tsa lefatshe tsa botlhokwa, tse di tlamelang ka oli le poroteine. Kwa United States bontsi jwa sejalo bo tlhotlhiwa ka hekeseine, mme bupi jwa soya ke jo bo ntshitsweng mafura jo bo gadikilweng (50% poroteine, jaanong bo kgontsha kgodiso ya diphologolo tsa polase(sk. Dikoko, dikolobe, dikalakune) ka seela sa madirelo se se iseng se bonwe mo hisetoring ya batho. Karolo e potlana ya sejalo e jewa ka tlhamalalo ke batho. Dikuno tsa soyabini le gale di tlhagelela ka methale e megolo ya dijo tse di fetotsweng.
Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, disoyabini di ne tsa nna botlhokwa thata kwa North America le Europe, bogolo thata jaaka dikemedi tsa dijo tsa poroteine tse dingwe le jaaka motswedi wa oli e e jewang. Ke ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II fa soyabini e neng ya ribololwa jaaka monontsha ke Lefapha la Temothuo la United States. 
Temo e atlegile mo ditlelaemeteng tsa selemo se se mogote, ka maemo a kgolo a a feletseng mo dithemphereitšheng tse di bokete tsa 20 - 30 °C; dithemphereitšha tse di kwa tlase ga 20 °C le kwa godimo ga 40 °C di kgoreletsa kgolo thata. Di kgona go gola mo metseletseleng e e bophara ya mebu, ka kgolo e e kwa godimo mo mebung ya alubiale e e bongola e e nang le diteng tsa dibodi tse di siameng. Disoyabini jaaka menawa e mentsi, di diragatsa paakanyo ya naeterojene ka go tlhoma kgolagano ya mataragano le baketheriamo ya Bradyrhizobium japoniam. Fela le gale go bona dipholo tse di gaisang moento wa lotso lwa baketheria o o nepagetseng o tshwanetse go tshwakanngwa le peo ya soyabini (kgotsa monawa ofe kana ofe) pele ga go jalwa. Mefutapeo ya sejalo ya segompieno gantsi e fitlha bogodimo jo bo ka nnang mitara o le mongwe mme e tsaya malatsi a le 80 - 120 go tswa jalong go ya thobong. 
Disoyabini di tlholega kwa Ašia Botlhaba fela ke 45% fela ya ntshokuno ya soyabini e e tswang koo. Phesente tse dingwe tse di 55 tsa ntshokuno di tswa Amerika. US e ntshitse ditono tse 75m tsa soyabini ka 2000, eo go feta nngwetharong ya yona e rometsweng ntle. Bantshakuno ba bagolo ba bangwe ke Brazil, Argentina, Paraguay. China le India. Dimela tsa soyabini di tshwabelelwa ke metseletsele e e bophara ya malwetse a dibaketheria, a difankase, malwetse a mogare le dinwamadi. 
Hisetori 
Disoyabini e ne e le dijalo tsa botlhokwa mo Ašia Botlhaba bogologolotala pele ga direkoto tse di kwadilweng. Di sa ntse di le sejalosegolo kwa China, Japan le Korea. Pele ga dikuno tse di titietsweng jaaka Soy sauce, tempeh natlo le miso, soya e ne e tsewa e le e boitshepo mo tirisong ya yona mo thefosanyodijalong jaaka mokgwa wa go baakanya naeterojene. Dimela di tlaa bo di lemeletswe ka fa tlase gore di phepafaletse tshimo dijalo tsa dijo. Soya e ne ya tlhagisiwa lwa ntlha kwa Yuropa go sa le gale mo ngwagakgolong wa 18 le kwa go se se itsegeng gajaana jaaka United States ka 1765, koo e neng lwa ntlha e jalelwa furu. Disoyabini di ne tsa se ke tsa nna dijalo tsa botlhokwa ka kwa ntle ga Ašia go fitlha e ka nna ka 1910. Kwa Amerika, soya e ne e tsewa fela e le kuno ya seintaseteri mme e seng go dirisiwa jaaka dijo pele ga bo1920. Soya e ne ya tlhagisiwa mo Aforika le China go ya bokhutlong jwa ngwagakgolo wa 19 mme gajaana e aname le kontinente yotlhe. 
Badimo ba ba tlhaga ba soyabini ke Glycine soja (e e neng e bidiwa G. ussuriensis), monawa o o tlholegang kwa China bogare. Soyabini e ntse e dirisiwa kwa China dingwaga di le 5 000 jaaka dijo le karolo ya diritibatsi. Fela le gale, soya e ne ka kgethego e tlotlelwa sebopegomedi sa yona jaaka tsela ya thefosanyodijalo. Temo ya soyabini e ne nako e telele e kganeletswe fela kwa China, mme e ne ka bonya ya atologela lekwa dinageng tse dingwe. 
Bontsi jwa batho bo kaya gore disoyabini kwa Ašia di ne ka hisetori di dirisiwa fela morago ga tirego ya titielo, e e digelang kwa tlase diteng tsa “phytoestrogens” tse di kwa godimo tse di fitlhelwang mo semeleng se setala (raw). Fela le gale mareo a a tshwanang le “mašwi a soya” di ntse di dirisiwa go tswa 82 AD mme go le bosupi jwa go jewa ga “tofu” go tswa ka 220.
Disoyabini di ne tsa tlhagisiwa kwa Amerika ka 1765 ke Samuel Bowen, motsamayakasekepe yo o neng a etetse China. O ne a jala soya gaufi le Savanna, Georgia a bo a dira le “soy sauce” go e rekisa kwa England. Soya e ne ya nna le seabe sa botlhokwa kwa United States morago ga Ntwa ya Lefatshe I. Ka nako ya Khumanego e Kgolo (Great Depression), dikgaolo tse di neng di iteilwe ke leuba tsa United States di ne tsa kgona go dirisa soya go tlhabolola mmu wa tsone ka ntlha ya dikarolwana tsa yona tse di baakanyang naeterojene. Ka 1932 - 1933 Setlamo sa Dikoloi sa Ford se ne sa dirisa e ka nna $1 250 000 mo dipatlisisong tsa soya. Ka 1935 koloi ya Ford nngwe le nngwe e ne e na le soya mo modirong wa yona. Sekao oli ya soya e ne e dirisiwa go penta dikoloi gammogo le mafura a “shock absorbers”. Go amega ga Ford mo soyabining go ne ga bula dikgoro tse dintsi gore temothuo le madirelo di golaganngwe thata go na le jaaka go kile ga nna pele. 
Tokafatso ya lotso (genetic modification)
Disoyabini ke nngwe ya dijalo tsa “dijo tsa baeyotheke” tseo di tokafaditsweng lotso mme disoyabini tse di tokafaditsweng lotso di dirisiwa mo dikunong di le mmalwa thata. Ka 1995 Setlamo sa Monsanto se tlhagisitse (disoyabini) tsa Roundup Ready (RR) tse di tokafaditsweng lotso go kgona go emelana le sebolayatlhatshana sa Roundup sa Monsanto. 
Ka 1997 e ka nna 8% ya disoyabini tsotlhe tse di lemetsweng mmaraka wa kgwebo kwa United States di ne di tokafaditswe lotso. Ka 2010 palo e ne e le 93%. Jaaka go ntse le ka dijalo tsa Roundup Ready tse dingwe, go tshwenyegile thata tshenyo e e ka nnang mo “biodiversity”. Fela le gale modipeo (gene) wa RR o setse o tsentswe mo mefutapeong ya soyabini e e farologaneng e mentsi mo e leng gore tokafatso ya lotso ka boyona ga e a tlhola kwelotlase epe ya pharologano ya lotso, jaaka go bontshitswe ka thuto ya pharologano ya lotso ka 2003.
Ditiriso 
Ka bophara disoyabini di ka arolelwa kwa mefuteng ya merogo (tshingwana) kgotsa masimo (oli). Mefuta ya merogo e apeega botlhofo, e na le tatso e e bonolo ya mafura, tshwarego e e botoka, e metona ka bogolo, e na le poroteine e e kwa godimo le go nna le oli e e kwa tlase go na le mehuta ya masimo. Bantshakuno ba “tofu” le mašwi a soya , ba rata mefutapeo ya poroteine e e kwa godimo e e tsetsweng go tswa mo disoyabining tsa morogo tse ka tlholego di tlisitsweng mo United States go ya bofelong jwa bo1930. Mefutapeo ya tshingwana gantsi ga e a siamela thobo ka motšhine o o robang ka gore diphotlwa tsa teng di na le tlwaelo ya go thubega fa di butswa.
Gareng ga menawa, soyabini, e gape e tlhaolwang jaaka peo ya oli, e itsege thata ka diteng tsa poroteine tse di kwa godimo (38 - 45%) gammogo le diteng tsa oli tse di kwa godimo (20%). Disoyabini ke seromelwantle sa temothuo sa boleng jo bogolo se e leng sa bobedi sa United States fa morago ga mmidi. Bontsi jwa soyabini bo jalelwa ntshokuno ya oli ka bupi jwa soya ya poroteine e e kwa godimo jo bo tlhotlhilweng mafura le go gadikwa bo dirisediwa go epa loruo. Phesente e potlana ya disoyabini e dirisediwa go jewa ke batho ka tlhamalalo. 
Kwa China, Japan le Korea, nawa e, le dikuno tse di dirilweng go tswa mo naweng e, ke karolo e e tumileng ya lenaneonjo. Matšhaena a ribolotse tofu mme gape ba dirisa mefuta e e farologaneng ya setshaso sa soya jaaka senatetshi. Mo “cuisine” ya Korea memela ya soya e dirisiwa gape mo ditsholeng tse di farologaneng. Dinawa di ka fetolwa ka ditsela tse dintsi. Didirwa tse di tlwaelegileng tsa soya di akaretsa bupi jwa soya, folouru ya soya, mašwi a soya, tofu, “textured vegetable protein” (TVP, e e kgonang go dira dijo tsa bajamerogo tsa methale e mentsi, tse dingwe tsa tsone di kobisitsweng go tshwana le nama), tempeh, “soy lecitium” le oli ya soya. Disoyabini di sa ntse gape di le setswaki sa motheo se se amegang mo ntshokunong ya “soy sauce”. 
Oli 
Peo ya soyabini e na le diphesente tse 19 tsa oli. Go tlhotlha oli ya soyabini mo peong, disoyabini di a thubiwa, go nyalanngwa diteng tsa bongola, di potokwa go nna lekakaba le go tlhotlhwa ka “hexane” ya kgwebo. Jaanong oli e a tlhokololwa, e tswakelwa go dirisiwa mo ditirisong tse di farologaneng mme fa gongwe e dirwa mowa. Dioli tsa soyabini, tsoopedi, e e metsi le e mowafaditsweng bontlhanngwe, di romelwa ntle kwa moseja, di rekisiwa jaaka “oli ya morogo” kgotsa di feleletsa di fetoletswe mo dijong tsa mefuta e mentsi. Bupi jo bo setseng jwa soyabini bo dirisiwa jaaka dijo tsa diphologolo.
Bupi
Bupi jwa soya ke masalela a salang morago ga tlhotlho ya serarolosi sa oli go tswa makakabeng a soyabini, jo bo nang le diteng tsa 50% tsa poroteine ya soya. Bupi bo gadikilwe le go silwa mo hamoremeleng. Bupi jwa soya ke elemente ya botlhokwa ya mokgwa wa ntshokuno wa Amerika wa go godisa diphologolo tsa mo polaseng jaaka dikoko le dikolobe ka bogolo jwa madirelo o o simolotseng ka bo1930, mme fa gautshwane jaana mo thuong ya “catfish” 98% ya dijalo tsa soyabini ya United States e dirisiwa jaaka dijo tsa loruo. 
Folouru
Folouru ya soya e raya disoyabini tse di tlhotlhilweng mafura, tsa silwa boletaleta go ka feta mo sefong ya 100 mesh, koo go tserweng matsapa ka nako ya tlhaoloso go leka go nyenyefatsa go kgotlela poroteine gore e sale e tshotse Protein Dispersability Index e e kwa godimo; mo tirisong e e jaaka “extruder cooking of textured vegetable protein”. 
Folouru ya soya e e tlhotlhilweng mafura e bonwa go tswa makakabeng a a tlhotlhilweng ka serarolosi mme e na fela le oli e kwa tlase 1%.
Folouru ya soya e e mafura e dirilwe go tswa dinaweng tse di sa tlhotlhiwang mafura tse di obotsweng mme e na le oli e e ka nnang 18% - 20%.
Folouru ya soya ya mafura a mannye e dirwa ka go tshela gape oli mo folourung ya soya e e tlhotlhilweng mafura. Diteng tsa mafura di farologana go ya ka ditaelomodiro, gantsi magareng ga 4,5% le 9%. 
Folouru ya soya ya mafura a a kwa godimo le yona e ka dirwa ka go busetsa oli ya soya mo folourung e e tlhotlhilweng mafura ka selekanyo sa 15%.
Fomula ya masea
Fomula ya masea ya soya e dirisediwa masea a a ilwang ke diporoteine tsa mašwi a kgomo a a pasetšhuraisitsweng. E mo popegong ya lorole, e e siametseng go fepa le gape ka seedi se se komota. 
Nama le diemelateri le diatolosi 
Disoyabini di ka fetolwa go ntsha phopholego le ponalo tse di tshwanang le dijo tse dingwe tse dintsi. Sekao, disoyabini ke setswaki sa motheo mo diemeding tsa dikuno tsa teri tse dintsi (sekao mašwi a soya, majerine, ice cream ya soya, soy yoghurt, soy cheese le soy cream cheese) le diemelanama (sekao veggie burgers). Diemedi tse di bonwa botlhofo mo marekelong a magolo. Mašwi a soya ka tlhago ga a na dielo tse di bonalang tsa khalesiamo. Badiri ba bantsi ba mašwi a soya ba sa ntse ba rekisa le dikuno tse di humisitsweng ka khalesiamo tse dingwe. 
Dikuno tsa soya di dirisiwa gape jaaka diemedi tsa tlhotlhwa e e kwa tlase mo dikunong tsa nama le koko. Katoloso e ka tlhola tswapogo ya tatso, fela mafura le kholesetorolo di a fokotsega. Tiriso ya dibithamine le diminirale e ka dirisiwa go dira dikuno tsa soya gore di lekane ka dikotla le poroteine ya phologolo; boleng jwa poroteine bo batla bo setse bo lekana. Seemedi sa nama se se thaetsweng mo nameng sa poroteine ya phopholego ya morogo se ntse se dirisiwa go feta dingwaga di le 50 jaaka tsela ya go atolosa nama e e sitsweng e e tlhotlhwatlase kwa ga go fokotsa boleng jwa dikotla jwa yona. 
Dikuno tse dingwe 
Disoyabini di dirisiwa gape mo dikunong tsa madirelo tse di akaretsang dioli, sesepa, dikhosometiki, resinse, polasetiki, enke, dikherayone, dirarolosi le diaparo. Oli ya soyabini ke motswedi wa motheo wa disele kwa United States, le go dira 80% ya ntshokuno ya baeyodisele ya selegae. Disoyabini di ntse gape di dirisiwa go tswa 2001 jaaka setoko sa titielo mo go dirweng ga mofuta wa vodka.
