Shortcuts (Maize)									Setswana
Ga go na go tlhabanyetsa mo temothuong ya tshomarelo
Folio strap: Temothuo ya tshomarelo
Byline: Phonnie du Toit (Arc-Grain Crops Institute Potchefstroom)
Photo 1: Polantere ya melamebedi ya go sa lemeng gotlhelele mo tirisong. Ela tlhoko  boalogodimo jo bo sa lengweng.
	Photo 2: Go tlhama llaga ya masalela a dijalo mo boalogodimong jwa mmu ke ntlha ya botlhokwa  mo temothuong ya tshomarelo (TT). Theo Msimanga, montshakuno kwa Diekeng kwa  Mpumalanga o tlhatlhoba poloto ya tekelelo pele a jala. Ela tlhoko kgaolo e e se nang mofero le masalela a dijalo mo boalogodimong.
	Photo 3: Sekao sa polantere e kgologolo e e fetoletsweng go nna ya go sa lemeng gotlhelele.
	Photo 4: Johannes Simelane ke molemirui mo sedikeng sa Balfour mo Mpumalanga mme o lema  diheketara tse 300 tsa mmidi. O setse a dira ditekelelo tsa gagwe mo dintlheng dingwe  tsa TT.
Grabber 1: Temothuo ya tshomarelo e ikaeletse go tshola montshakuno mo lefatsheng.
Grabber 2: TT ke thulaganyo e e tlhokang tsamaiso ya kemo e e kwa godimo mme go fetogela kwa thulaganyong ya temodijalo e ntšhwa ga go kitla go diragala bonolo jalo kwa ntle ga mathata.
Temothuo ya tshomarelo (TT) ke kgopolotheo e ntšhwa mo bantshakunong ba dithoro ba le bantsi mo Aforikaborwa. Buisa mo kgannyaneng e ka se se buiwang ke bantshakuno ba ba tlhabologang ka ga temothuo ya tshomarelo le dintlhakaelo tse bantshakuno ba tshwanetseng go di latela go lepalepana le mokgwa o mošwa o mo temothuong ya dijalo.
Temothuo ya Tshomarelo (TT) e ka ga eng?
Go itsege thata gore bantshakuno ba bantsi ba dirisa mekgwa ya tlwaelo ya ngwao ya go baakanya mmu mme mogoma wa sekara o sala go nna sediriso se se dirisiwang thata mo polaseng. Mo mabakeng a mantsi bantshakuno ba jala mmidi fela o le nosi mme ga ba dire thefosanyodijalo le dijalo tse dingwe jaaka dinawa le sonobolomo. Tiriso ya mogoma wa sekara mo dingwageng di le dntsi, e bonwa gompieno jaaka sebakisegolo sa tshwagafalo ya mmu. Tshwagafalo ya mmu e diragala mo dikemong di le tharo.
Go lengwa go go tsweletseng go tlhola gore sebopego sa mmu sengwe.
Tatlhegelo ya kgono ya mmu go boloka metsi; le 
Phokotsego ya palo ya ditshedinnye tsa mmu tse di mosola.
TT ke thulaganyo e e tlhamilweng go sireletsa mmu, go tokafatsa boleng jwa mebu le go busetsa mme kwa seemong sa ona sa monono le boitekanelo sa tlholego. Mo TT montshakuno gape o tshwanela go dirisa ka botlalo boleng jwa dijalo tse di farologaneng mo thulaganyong ya thefosanyodijalo le mmidi. Go ntsha dijalo tse dintsi ga montshakuno go tlaa thusa gape go fokotsa diriseke. Gakologelwa polelwana e e reng: “o se ke wa phuthela mae a gago otlhe mo serotong se le sengwe”.
Motho o tshwanetse go lemoga gore temothuo ya tshomarelo e kaya go feta go sa lemeng gotlhelele kgotsa tshugommu ya tshomarelo fela. Temothuo ya Tshomarelo e thaetswe mo dipinagareng di le tharo:
Mmu o tshwanetse go tshwenngwa go le gonnye thata ka fa go ka kgonegang ka teng. Se se raya gore go se lengwe kgotsa desa gotlhelele mme le gore jalo e tshwanetse go dirwa ka polantere e e kgonang go jala ka tlhamalalo mo mmung o o sa tshwenngwang.
Masalela a dijalo a sala mo boalogodimong jwa mmu. Ka tsela e masalela a dijalo a dira tiro ya go bipa mmu ka fa go ka kgonegang ka teng.
Thefosanyodijalo, e e akaretsang dijalo tse di jaaka dinawa le dikhaophisi, di nna karolo ya thulaganyo ya ntshokuno.
Se bantshakuno ba se buang ka TT?
Mo patlomaikutlong a ditlhopha di le tharo tsa bantshakuno ba ba tlhabologang mo diporofenseng tsa Mpumalanga, Limpopo le Bokonebophirima, bantshakuno ba ne ba na le tsholofelo ka mesola ya TT fela gape ba ne ba sa kabakanye ka mathata a TT jaaka ba a bona.
Mengwe ya mesola e e bonwang ke bantshakuno ka TT e ntse: 
TT e ka thusa go thibela kgogolego ya mmu.
TT e ka thusa go boloka ditshenyegelo tsa tirisometšhine. 
Tiriso ya taolomofero ya sekhemikale e ka tshwaela mo dipolokong tsa ditshenyegelo tsa nako le badiri.
Go nna teng ga mehutapeo ya Roundup Ready go ka dira taolomofero go nna botlhofo thata.
Go akaretsa dijalo tsa monawa tsa dithoro jaaka khaophisi kgotsa soyabini go ka thusa go tokafatsa monono wa mmu.
Gareng ga tse dingwe bantshakuno ba supile dikgoreletsi tse di latelang ka TT:
Tlhokego ya khepetlele ya go simolola le ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa tirisometšhine
Tlhaelo ya khepetlele ya go simolola, sekao jaaka go emisetsa polantere ya tlwaelo ka polantere ya go sa lemeng gotlhelele, e sala go nna bothatabogolo mo bantshakunong ba bantsi. Tlhotlhwa ya gajaana ya polantere ya melamebedi ya go sa lemeng gotlhelele e farologana magareng ga R50 000 le R80 000 ka yunite.
Bokete jwa go laola sebipo sa mmu mo popegong ya kobelo.
Bantshakuno ba bantsi ba ikantse masalela a dijalo go dirisiwa ke loruo mme lotlhaka lwa mmidi bogolo thata lo tsewa e le furu ya maemo a a kwa godimo. Bantshakuno gape ba ne ba le huba semolangwana ka phitlhelelo ya sebipo sa mmu se se maleba bogolosegolo mo ditlheng tsa komelelo moo thobo ya dijalo e leng kwa tlase.
Riseke ya kwelotlase ya thobo ya dijalo
Bantshakuno ba buile ba tlhamaletse gore ga ba ka ke ba kgona riseke ya thobodijalo e e wetseng tlase ka ntlha ya tshimololotiriso ya thulaganyo ya ntshokuno e ntšhwa. Tatlhegelo ya thobo e e ka diragalang mo pakeng e khutshwane, e ka kgobang bantshakuno marapo go fetogela kwa TT.
Ka moo bantshakuno ba ba akanyang TT ba ka engwang nokeng ka teng
Ditekelelo tsa mo polaseng go sekaseka TT
Ka ntlha ya diriseke tsotlhe tse di lebaneng bantshakuno ba tlhoka go kgwedisiwa gore go thulaganyo e ntšhwa e ka tsenngwatirisong ka katlego. Ditekelelo tsa mo polaseng tsa selegae ka tirisano le bantshakuno, di ka tlamela ka phaposiborutelo e e maleba go lemosa bantshakuno ka mekgwatiriso ya TT le go e tshwantshwanya le thulaganyo ya tlwaelo.
Nyalantsho ya didiriso tse di teng
Bantshakuno ba tshwanetse go rotloediwa go fetolela didiriso tse di gona tsa bona jaaka dipolantere tse di tshwanetseng phetolelo go nna dipolantere tsa go lema go le gonnye le go sa lemeng gotlhelele. Sekao, kwa Brazil bantshakuno ba ba simololang ba bantsi ba ne ba sa kgone go reka metšhine ya segompieno. Ka ntlha ya se ba ne ba simolola go fetolela dipolantere tsa tlwaelo tse dikgologolo tsa bona go nna dipolantere tsa go sa lemeng gotlhelele. Se e ne ya nna tshimologo ya “Zero-tile Revoulution” ya dingwana tsa bo 1970 kwa nageng eo.
Go lemosa bantshakuno ka didiriso tsa TT
Go tshwanetse go dirwa go le gontsi go tswala phatlha e e gona magareng ga bantshakuno ba ba tlhabologang le dikgwebo tsa temothuo tse di tomameng TT.
Go tokafatsa maemo go atolosa ntshokuno ya monawa
Le mororo bantshakuno ba supile gore dijalo tsa monawa di ka tokafatsa dithulaganyo tsa temodijalo tsa bona, ba sa ntse ba paletswe go atologela kwa go jaleng monawa. Se e ka nna segolo ka go tlhoka go fitlhelela batlamedi ba dipeo mme mo ntlheng ya khaophisi, tlhaelo ya mmaraka o o ikanyegang wa thoro eno. Tsela e e botoka thata mo go emeng bantshakuno nokeng gore ba kgone go sutlhelela mo go boneng boleng jwa dijalo tsa monawa mo thefosanyodijalong ke go tokafatsa thulaganyo ya go tlamela ka peo le go rolela montshakuno ditšhono tsa mmaraka o o botoka. 
Go rotloetsa ntshokuno ya furu ya tlaleletso
Bantshakuno ba tshwanetse go rotloediwa go jala dijalo tsa furu mo masimong a mangwe a a fa thoko. Mefuta ya furu ya mabele a a sukiri e e jalwang mo selemong kgotsa rediše ya Japane le outsu tse di jalelwang phulo ya mariga, di ka thusa thata go tlamela ka furu e e ipeetsweng. Ka tsela e bantshakuno ba ka kgona go tshola mmu o bipilwe ka ba tlaa bo ba sa ikanya thata masalela a dijalo jaaka motswedi wa furu.
Nna o itse gore metheo ya ntshokuno ya dijalo e tshwanetse ka gale go diragadiwa ka nepo ka dinako tsotlhe. Pele ga maiteko afe fela a go fetogela kwa thulaganyong ya TT, bantshakuno ba tshwanetse go thuba logogo lwa temo lo lo ka nnang teng le go fedisa tlhaselo ya mefero e e mathata jaaka “coach grass”. Tsaya matsapa go batla kgakololo mo batshakunong ba ba diragatsang TT ba ba nang le maitemogelo. La bofelo, ikopanye le bao ba ba tlhoafaletseng go neelana ka kemonokeng e e siameng mo bantshakunong ba ba akanyang TT jaaka sengwe se se botoka. Ka tsela e, o ka lemoga fa TT e le selotlele go tsena isagong ya temothuo e e botoka.
