Seed (Maize)										Setswana 
O ka laola jang peo ya mofero e e sa batlegeng mo mmiding?
Folio strap: Taolomofero
Byline: Dr Jeanetta Saayman-du Toit (ARC-GCI, Potchefstroom) 
Nako ya thobo e ntse e atumela mme go sa ntse go le palo e ntsi ya masimo a a tletseng mofero. Jaaka re buile gantsi mo nakong e e fetileng, mefero ke mmaba wa montshakuno ya dijalo.
Nngwe ya dintlha tsa botlhokwa mo ntshokunong ya dithoro ke taolo ya mefero. Go nna teng ga mofero mo dijalong go ka nna kotsi ka dintlha tse dintsi, bogolosegolo mo ditatlhegelong le kgotlelego ya peo. Ka tlhaelo e e teng ya dithoro tse di jewang ga re ka ke ra kgona go letla gore dithoro di latlhwe fela ka ntlha ya kgotlelego ka peo ya mofero. Peo ya mokolonyane ga e ka ke ya letlelelwa mo mmiding ka e baka monkgo o o sa amogeleseng mo bathong le diphologong. Go ya ka melao ya tokafatso ya dimela le bophepa jwa peo, dipeo dingwe di thibetswe gotlhelele go nna mo mmiding. Go ya ka melao e, sekao, ga go a tshwanela gore go nne le fa e le thoro e le nngwe ya peo ya mokhura mo forageng ya mmidi. Mokhura o botlhole jo bo boitshegang mo mokong e bile go rekotilwe dikgetsi di le dintsi tsa go ja botlhole. 
Nngwe ya dithuto tsa botlhokwa go ithuta go ya ka taolomofero ke go fedisa gotlhelele dibako tsa kgotlelego. Mmidi o o sa kgotlelegang ke dipholo tsa botsamaisi jo bo siameng jo bo tswelelang jwa dijalo tsa mmidi go na le maiteko a a phatlaletseng a taolomofero.
Mekgwa ya temo e e siameng e akaretsa tse di latelang:
Tokafatso ya monono wa mmu (mefero mengwe e itumelela mebu e e sa nonang e e bokoa);
Tiriso ya peo e e phepa e e siameng ka nako ya go jala;
Netefatsa gore dikgaolo tse di mabapi ga se motswedi wa peo ya mofero;
Tiriso e e siameng ya mekgwa ya taolomofero go sale gale mo setlheng e tlaa thibela kgaisano le semela mabapi le bongola le monono le go thibela go ungwa ga peo go go ka tlholang kgotlelego moragonyana;
Fa taolomofero ya go sale gale mo setlheng e ne e sa felela, mefero e tshwanetse go rengwa le go tlosiwa mo tshimong pele ga thobo. Se se tlaa thibela dipeo go tlhakatlhakana le peo ya mmidi; le 
Fa mefero e megolo e tlosiwa morago ga go ungwa, o gakololwa go e tshuba go e thibela go tlhoga mo setlheng se se latelang;
Gakologelwa gore dijalo tse di siameng di kaya peo e ntsi – peo e e phepa e ntsi.
