Sclerotinia (OPOT)									Tswana

Bolwetse jwa setlelerotinia (sclerotinia) mo disonobolomong 

Instructions: 

Folio strap: 

Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa Yunibesithing ya Puso ya Dakota le Lefapha la Temothuo la Dinagakopano tsa Amerika.

Photo Captions: 

Photo 1: Botlase jwa dimela tse di swabileng tse di bontshang dikgato tse di farologaneng tsa tshimologo ya kankere le go bola. Ela tlhoko setlelerotinia se sentsho le maesiliamo e tshweu. Kutu e e fodileng e ka fa molemeng. 

Photo 2: Maesiliamo e tshweu kwa botlaseng jwa semela se se swabang.

Photo 3: Setlelerotinia mo teng ga pelo mo botlaseng jwa semela se se swabileng.

Photo 4: Pôlô ya bogare jwa letlhaka .

Photo 5: Pôlôseako – ditshupo tse di bonala pele ga tshugego (kgasafalo) ya tlhogo (seako)

Picture 6: Modiko wa bolwetse – pôlôseako le pôlôtlhakagare

Fankase mo marigeng jaaka setlelerotinia mo mmung le matlakala a dimela

Dimela tse di swabileng ka dikutu tse di bolang le dikankere tsa botlase jwa kutu

Jwalo ya dikgakologo

Setlelerotinia mo mmung

Ka bongola jwa mmu jo bo kwa godimo setlelerotinia gaufi le boalogodimo jwa mmu se tlhoga go dira aphothešia (apothecia)

Ascospores tse di kgwiwang ke aphothesiamo le go tsamaisiwa ke phefo

Aphothesiamo

Ascospores

Phetogopopego/Tshokamo

Ascospores tse di fokilweng go tswa masimong a a gaufi

Pôlôseako (polotlhogo)

Pôlôlotlhakagare

Medi e kopana le setlelerotinia mme sona se a tlhoga le go tshwaetsa medi; fankase e tswa semeleng go ya semeleng se sengwe ka medi.

Dimela tse di oleng

Bolwetse = tatlhegelo ya thobo le koketsego mo pofaganong ya inokhulamo ya mmu.

Setlelerotinia se boela mo mmung ka nako ya thobo le tshugommu.



Mo kgannyaneng e re tlaa dira tshekatsheko e e tseneletseng mo bongweng jwa malwetse a magolo thata a a amang sonobolomo – malwetse a Setlelerotinia.



Malwetse a mararo, Setlelerotinia sa tshwabo, pôlôlotlhakagare le pôlôseako, a ka lemogwa mo tshimong. Setlelerotinia sa tshwabo se tlholwa ke ditshedinyana tsa fankase tse di nnang mo mmung tse di bidiwang setlelerotia (sclerotia) tse di sokamisang medi ya disonobolomo. Tshwabo e tlhaolegile mo malwetseng a mabedi a mangwe ka gonne e simologa mo meding. Setlelerotinia sa pôlôseako le sa pôlôlotlhakagare se tlholwa ke peo e e tsamayang ka mowa. Ke malwetse a fa godimo ga mmu ka kgolo ya bolwetse e e tshwanang. Malwetse otlhe ka boraro a tlholwa ke mogare o o tshwanang, Setlelerotinia, selerothiamo; fankase a a tshenyokgolo go gaisa, e fa gongwe e bidiwang fankase ya “mouta o mosweu”. E, e sa ntse e le yona fankase e e tlholang mouta o mosweu wa dinawa tsa soya, dinawa tsa gale, khanyola le dijalo tse dingwe tse di tlhaselegang botlhofo.



Setlelerotinia sa tshwabo se tlhagelela fa sonobolomo e jetswe mo mmung o o tletsetletseng ka Setlelerotinia mme se ka tlhagisa tatlhegelo ya thobo e e boitshegang. Masimo otlhelele a nyeleditswe gotlhelele ke bolwetse jo. Tatlhegelo ya thobo e ikaegile ka palo ya dimela tse di tshwaetsegileng le gore di tshwaeditswe leng; fa palo ya dimela tse di tshwaetsegileng e le kwa godimo le tshwaetso e diragetse go sale gale mo kgolong, gona tatlhegelo ya thobo e tlaa boitshega. Ka palogare, semela se se tshwaetsegileng se ungwa 50% kwa tlase ga sejalo se se fodileng. Go ya pele, diteng tsa oli ya peo mo dijalong tse di tshwaetsegileng di a fokotsega. Fela ka sona selekano se, tshwaetso e isa kwa dilekanyong tse di oketsegileng tsa Setlelerotinia mo mmung. Se se ka tlhola gore masimo a se tlhole a lemiwa sonobolomo mo dingwageng tse dintsi. Ka jalo, Setlelerotinia ga se fokotse thobo fela, gape se ama le ntshodikuno le poelo ya seikonomi ya isagwe tsa sonobolomo.



Pôlôseako le pôlôlotlhakagare e tlhagelela mokabagangwe fale le fale, e bile di latela dipaka tsa pula e ntsi. Malwetse a a bonala boutsana mo dingwageng tse di omileng. Pôlôseako e fokotsa bounapeo le palo ya dithoro le go diga diteng tsa oli. Go nna teng ga setlelerotinia mo dithorong go ka fokotsa seemo (grade) le bolengthekiso jwa dijalo. Diako tse di tshwaeditsweng fa gongwe di sugega di sa le mo masimo, mme peo yotlhe e tlhotlhoregele mo mmung.



Go ya pele fa sephothi se thula dimela tsa ditlhogo tse di tshwaetsegileng, ditlhogo di a thubega mme peo yotlhe e latlhege pele e tsena mo sephothing. Pôlôseako ke bothata jo bo kgethegileng mo masimong a ntshodikuno ya peo gonne peo e e ntshitsweng mo ditlhogong tse di tshwaetsegileng e ka tswa e fokoditse tlhogô mme setlelerotinia se se ntshitsweng mo ditlhogong tse di tshwaetsegileng se tla kgotlela mantshapeo, le go ama ditiro tsa phepafatso le neelosetifikeiti. Ga go na botlhole jo bo ntshiwang ke setlelerotinia mo peong ya sonobolomo, fela kgotlelego e kgolo ka setlelerotinia ga e amogelesege mo tirisong ya batho le diphologolo. Ditlamorago tsa botlhokwa tse dingwe tsa malwetse a mabedi a ke gore ke ona ditselakgolo tse fankase e e tsenngwang mo masimong a sonobolomo a a phepa ka tsona. Se se diragala fa setlelerotia go tswa ditlhakeng le ditlhogo tse di lwalang di lemelelwa mo mmung. Disetlelerotia tse di ka tlhola tshwabo mo dingwageng tse di latelang.

Ditshupo tsa setlelerotinia

Setlelerotinia sa Tshwabo

Ditshupoponagalo tse di tlwaelegileng ke tshwabo ya matlhare ya tshoganyetso, polô ya medi le kankere ya botlase jwa kutu. Gantsi, tshwabo e bonala lwa ntlha mo masimong fela fa pele ga go thunya, fela dimela tse di tshwaetsegileng di ka bonala mo kgatong ya botlhogela. Kwa tshimologong dimela tse di tshwaetsegileng di aname fale le fale mo tshimong, mme morago di tlaa bonala ka ditlhopha mo meleng. Bolwetse jo gantsi bo tlhagelela ka dibata mo tshimong. Ka gore dimela di ka swaba mo sebakeng sa dibeke di se kae go tswa nakong ya tshwaetso, kupugo ya ditshupo mo tshimong e bonala e le bonako.



Ntho e e tletseng metsi e tlhagelela mo botlaseng jwa semela. Ntho e fetoga kankere ya botala jo bopududu go ya borokwa e fa gongwe e dikologang kutu. Fa polô e tswelela lotlhaka lo a setlhefala mme lo nna le ponalo ya go rafolega (kgasafala). Karolo e e bodileng e ka atologa ka bogolo jwa kgato kgotsa go feta go tlhatloga le kutu. Pelo e kwa botlaseng jwa kutu e a bola mme go nna le ditshedinyana tse di ikhuditseng tse dithata tse dintshonyana tse di bidiwang setlelerotia (tsa boatlhamo jwa 1/8 go ya 1/4 ya noko). Disetlelerotia di tlhagisiwa ke mogare (peo) mme di tlamela ka itshupo e e siameng ya bolwetse. Dimela tse di tshwaetsegileng di wa bonolo. Ka nako ya pula e ntsi, gantsi maesiliamo o mosweu o tlhagelela mo botlaseng jwa kutu, ke sona o bidiwang “mouta o mosweu” (white mould).



Polô ya meditlhakore le meditona ga e na bofapogo, jaaka gantsi semela se ka kumolwa. Lekwati la modi le le bodileng le oboga bonolo le go tlogela ditogakgotshwane tse di ditlhale mo lebaleng. Medi gantsi e nna le polô ka metsi, e e tlhomameng. Setlelerotia se ka bonwa mo meditlhakoreng e megolo le mo moditoneng.



Dimela tse di tshwaetsegileng kwa bofelong di a swa. Semela se ka nna sa ungwa peo kgotsa sa se ka sa ungwa; go ya fela ka gore tshwaetso e diragetse leng. Ditlhogo tsa dimela tse di swabileng di dinnye go na le tsa dimela tse di fodileng. Tshwabo e ka fokotsa thobopeo go bonala, bogolosegolo ka ntlha ya boima jo bo kwa tlase. Dimela tse di swabileng mo dikgatong tse di tsweleletseng tsa polômedi gantsi di ka wa mo diphefong tse di maatla.



Setlerotinia sa pololotlhakagare 

Pololotlhakagare gantsi e bonwa ka nako ya kgotsa morago ga go thunya mo karolong ya bogareng kgotsa bogaregodimong jwa lotlhaka. E simologa e le ntho e e tletseng metsi e e borokwa kgotsa bopududu, gantsi mo kgotsa gaufi le nokoletlhare. Kankere e tlhagelela go dikologa lotlhaka mme togwa e e bodileng gantsi e nna e le metsi le botabutabu. Gantsi lotlhaka lo wa fa polô e setse e diragetse mme ditogwa tse di fa godimo ga kankere di swa. Gantsi maesiliamo e tshweu e e bofaganeng le setlelerotia sengwenyana di tlaa tlhagisiwa ka fa ntle le ka fa teng ga lotlhaka, bogolosegolo mo puleng e ntsi. Kwa bofelong ditogwa tse di tshwaetsegileng di a setlhefala le go nna le ponalo ya kgasafalo. Polôlotlhaka e ka tswelela go fologela kwa botlaseng jwa kutu kgotsa go tlhatlogela kwa seakong. Ka dinako tse dingwe letlhare le tlaa tshwaetsega ka Setlelerotinia mme fankase e tlaa bodisa lonono lwa letlhare (Petiole) mme kwa bofelong e fitlhelele kutu go tlhola polôlotlhakagare.


Setlelerotinia sa Poloseako

Ditshupo tsa ntlha tsa poloseako gantsi ke tlhagelelo ya maesiliamo wa fankase o mosweu o o tlhogang mo dikarolong tsa thunyo kgotsa tlhagelelo ya dikolo tse di tletseng metsi mo morufeng (karolo e e matseme ya tlhogo). Fankase e gola ka go phorosela mo morufeng, e o bodise le go tlhola maesiliamo o mosweu le disetlelerotia tse dintsho tse dikgolo tse dintsi. Morufa gantsi o a setlhafala mme o bonale bonolo go farologana le tlhogo e e itekanetseng. Morufa otlhe o ka bola mme llaga ya peo ya wa, go tlogela fela letlhotlholo le lesetlha le le kgasafetseng, le le akaretsang dingatana tsa lekgotshwana, tse di phephethang ka setlelerotia se segolo. Ditlhogo tsa letlhotlholo tse di setlhafetseng tse di iponatsa sentle mo tshimong, le fa o le kgakala tota. Fa go rojwa, ditlhogo tse di tshwaetsegileng gantsi di thubega fela mme dithoro tse di setseng di latlhege tsotlhe. Mo puleng e ntsi fankase e tlaa tlhoga mo godimo ga ditlhaka le go dira setlelerotia sa sekaletloa se segolo, se se ka khurumetsang bopele jwa tlhogo. Gantsi ditlhaka ga di a bola, fela bontsi ga di a tlala. Setlelerotia se segolo mo diakong se robiwa mmogo le ditlhaka. Setlelerotia se se tlhakaneng le ditlhaka se netefatsa gore tshimo e ne e na le polôseako. Polôseako ke bothata jo bo boitshegang mo masimong a ntshodikuno ya peo. Mo godimo ga ntshodikuno ya peo e e fokotsegileng, karolo e e ka fa ntle ya peo e ntsi e ka bo e tlhasetswe ke fankase ya Setlelerotinia, mme se tsale tlhogo e e fokotsegileng.



Mogare 

Sclerotinia sclerotiorum ke mogare o o nang le motseletsele wa moamogedi o o sephara tota; mme o ka tlhasela mefuta ya dimela e ka nna 370. Bolwetse bo itemogetswe mo sonobolomong, dinawa, soebini le khanyola; mme le gale dijalo tse dingwe tse dintsi di ka tlhaselega jaaka buckwheat, borage, flax, lentils, dierekisi, ditapole, masetete, crambe, Jerusalem artichoke le safflower. Dijalo tse tsotlhe tse ga di tlhaselege bonolo ka Setlelerotia jaaka sonobolomo, e bile dingwe nako nngwe ga di senyege le go senyega. . 

Modikotshelo wa Bolwetse - Setlelerotinia sa Tshwabo

Mo marigeng Setlelerotinia se tshela jaaka setlerotia mo mmung le mo matlakaleng a dimela. Mo selemong fa medi ya sonobolomo e e golang e kopana le setlelerotia, setlelerotia se a tlhoga mme se tshwaetse medi. Fankase e gola go tlhatloga le medi e e tshwaetsegileng go tsena mo moditoneng, le mo kutung mme semela se swe. Gape se golela le mo meditlhakoreng e mengwe, kwa bofelong se bodise thulaganyo yotlhe ya medi. Ka gonne go na le kamano ya medi ya dimela tse di bapileng mo meleng, fankase e ka gola go tswa thulaganyongmeding e nngwe go ya go e nngwe mo moleng, mme go tlholege motseletsele wa dimela tse di swabileng. Dimela di ka swaba mo nakong ya dibeke tse pedi go ya go tse nne morago ga tshwaetso. Paka go tswa ditshupong tsa ntlha tsa tshwabo go ya tshwabong e e feletseng e ka nna ya nna fela malatsi a mane go ya a supa. Tswelelopele e e bobebe ya tshwabo ke lebaka le le lengwe gore goreng masimo a a bonalang a itekanetse a bonalang a hupediwa ke bolwetse fela mo dibekeng di le mmalwa.

Sonobolomo ke sona sejalo fela sa masimo seo Setlelerotinia se e tshwaetsang ka tlhomamo go tsena ka medi. Dijalo tse dingwe tse di ka tlhaselegang, di tshwaediwa ka “ascospores” mo dikarolong tsa semela tse di ka fa godimo. Se ke sona pharologanokgolo magareng ga sonobolomo le dijalo tse dingwe.

Fa jaaka fankase e gola mo teng le godimo ga ditogwa, disetlelerotia di a tlholega; bontsi bo tlhagisiwa mo pelong ya kutu e e bodileng le mo meding jaaka fa semela se swa. Go ka tlhagisiwa disetlelerotia di le 25 go ya 100 mo teng kgotsa godimo ga semela se se tshwaetsegileng. Disetlelerotia tse jaanong di busediwa mo mmung ka nako ya tshugommu le go dira jaaka metswedi ya tshwaetso mo dijalong tse di latelang tse di ka tlhaselegang. Disetlelerotia di tshela lobaka lo loleele mo mmung mme masimo a nna a tshwaetsegile dingwaga tse dintsintsi morago ga foo. Potso e bajadi ba bantsi ba e botsang ke gore setlelerotia se tlaa tshela nako e e kana kang mo mmung? Bomadimabe ke gore go bokete go e araba gonne tshimo nngwe le nngwe e na le setlhophana sa dintlha tse di farologaneng tse di amang go falola, jaaka mofuta wa mmu, bongola jwa mmu le ditiragalo tsa jalodijalo. Dintlha tse di ama ditshedinnye tse dintsi tse di mo mmung tse di bolayang setlelerotia. Bongola jwa mmu jo bo kwa godimo le themphereitšha e e kwa godimo ke maemo a a siametseng tshwagafalo ya dimaekerobese tsa setlelerotia. Pholo e sa ntse gape e ikaegile ka pofagano ya inokhulamo (palo ya disetlelerotia mo mmung). Fa pofagano ya inokhulamo e le kwa godimo gona Setlelerotinia se tlaa tsaya lobaka lo loleele se tshela. Tshimo e e tshwaeditsweng mo go maswe e tlaa tlhoka dingwaga tse dintsi go jalwa dijalo tse di sa tlhaselegeng go fokotsa pofagano ya inokhulamo go nna selekanyo se se kwa tlase.

Disonobolomo di na le thulaganyo ya medithoko e e mositlha thata e e kgobokaneng mo llageng ya tshugommu. Se se bebofatsa kamano le setlelerotia. Thulaganyomedi ga e a nonofa sentle go fitlhelela ka nako ya go thunya, jaanong gape go na le kamano ya medi e e kwa godimo magareng ga dimela e e bebofatsang kamano ya mogare go tswa semeleng go ya semeleng se sengwe. Gape tsofalo e simologa morago ga go thunya e bile medi e ka tlhaselega bonolo ke mogare. Ano ke ona mabakamagolo a gore go reng bontsi jwa dimela tse di swabileng bo bonagala morago ga tshimologo ya thunyo.



Mo masimong a a tlhaselegileng dimela tsa ntlha tse di swabileng gantsi di tlaa tlhagelela morago ga malatsi a le 40 go ya 50 morago ga jalo, fela bontsi jwa dimela bo tlaa swaba morago ga go thunya. Dingwe di ka swaba fela fa pele ga go omelela.



Taolobolwetse

Bontsi jwa ditaolo tsa botlhokwa tsa malwetse a Setlelerotinia a sonobolomo, ke go re go se ke ga jalwa mo masimong a a tlhaselegileng le go thibela kgolo ya setlelerotia mo mebung. Tiiso ya thibelo e dirwa bogolosegolo ka go baya masimo leitlho ka ponalo ya malwetse le thefosanyodijalo. Gakologelwa gore masimo a a tlhaselegileng thata a ka tswa mo ntshodikunong ya sonobolomo lobaka lwa dingwaga tse dintsi thata. Ka gonne tlhagelelo ya pololotlhakagare le poloseako e tla mokabagangwe, taolo ya bolwetse gantsi e totisitswe taolo ya tshwabo. Gajaana kemelano ya dimela ga se mokgwatheo wa taolo. Fela le gale go na le dipharologano mo tlhaselegong ya maidi ke setlelerotinia. Gape ga go na dikhemikale tse di kwadiseditsweng taolo ya tshwabo kgotsa tshwaetso ya “ascospore” mo sonobolomong. 

