Schools (Maize)									Setswana 
Lenaneo la dikolo la rona ke sekao 
Folio strap: Lenaneo la dikolo
Byline: Willie Kotzé, moitseanape wa katiso le tlhabololo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA
Graph 1: Dikolo tse di etetsweng ka kotara ya ntlha ya 2010 le 2011.
Graph 2: Baithuti ba ba etetsweng ka kotara ya ntlha ya 2010 le 2011. 
Graph 3: Baithuti ba ba tsenetseng dithuto tsa kotara ya ntlha.
Graph 4: Dikolo tse di etetsweng mo diporofenseng tse di farologaneng mo kotareng ya ntlha ya 2011
Ka 2010, Grain SA e simolotse lenaneo la dikolo ka thuso ya Maize Trust. Lenaneo le bone katlego. Mo kopong ya rona go Maize Trust re ne gape ra kopa tlamelo ka matlole ya lenaneo la dikolo. Ka lorato Maize Trust e ne ya rebola matlole go tsweletsa ketelo kwa dikolong.
Go botlhokwa thata go rotloetsa bana go itse le go lemoga boleng jwa temothuo jaaka motswedi wa dijo le tlhale, monnaleseabe yo mogolo mo ikonoming, jaaka mothapi le kgetho ya boiphediso. Go feta halofo ya baagi ba Aforika ba kwa tlase ga dingwaga tse 20. Bana ke badirisi ba gajaana, badirisi ba isagwe le moloko o o latelang wa badiri, ka jalo bonako jo re ka bo lemosang boleng jwa temothuo ka kakaretso ka jona le madirelo a mmidi ka kgethego ke bonako jo re ka solofelang go bona ba tlhaloganya botlhokwa jwa yona.
Monongwana maikaelelomagolo a porojeke ya rona ke go dira diDVD tse tharo tse di farologaneng tse di bontshang lephata la temothuo, madirelo a mmidi gammogo le temothuo jaaka tlhopho ya boiphediso. Dipalo tsa bana di dintsi thata – mo sekolong sengwe le sengwe re tshwanela go tsaya tshwetso gore a re bona bana botlhe mmogo (ka gore ditlhopha tse dikgolo ga di tsamaelane le tlhoafalo le go nna le seabe), kgotsa go ba bona ka ditlhophana tse di farologaneng (se se rayang gore mokatisi o tshwanetse go boeletsa thuto e e tshwanang gantsi). Re ikopantse le ba Agri-SETA ka Diphalane 2010 go kopa kemonokeng ya bona ya lenaneo. Ba supile fa ba tlaa aba R360 000 mo go dirweng ga diDVD tse tharo. Re amogetse kabo ya bona ka diatla tsoopedi le go simolola tiro ya thaopo ya go bona motlamelakaditirelo yo o tshwanetseng yo o ka dirang diDVD. Kwa bofelong re tlhophile Martie Willemse go tswa ga Noline Products, mo DVD ya ntlha, le PW van Wyk go tswa Agri TV mo DVD ya bobedi.
Batlhagisi (presenters) ba ne ba tlhophiwa mo dikgaolong di le lesome tse di farologaneng e bong Foreisetata, Bokonebophirima/Gauteng, Kwazulu-Natala, Kapabotlhaba le Mpumalanga. Mo kotareng ya ntlha go etetswe dikolo di le 180 koo DVD e neng ya tshamekelwa baithuti. DVD e dirilwe ka tsela e e leng gore go na le mafelo a le mararo a go ka emisiwang mo go ona gore motlhagisi a buisane le baithuti ka diteng tsa yona. Morago ga kokoano, sekolo se sa ntse se fiwa phousetara jaaka segakolodi sa diteng tsa DVD ya ntlha – Dijo, Tlhale le Botshelo.
Baithuti ba ba farologaneng ba dikolo tse di etetsweng ba ne ba bodiwa fa letsatsi leo e ntse le le mosola mo go bona. Ditshwaelo tse di latelang di ne tsa amogelwa.
Moliko, Tebello le Doreen baithuti ba Sekontarikgolo ya Quibing 
“Ga ke itse gore ke simolole kae, fela se nka se buang ke gore ke ithutile thata mme nka itumelela go ithuta go feta fa. Ke dumela gore go botlhokwa tota go jala ditlhare, jalo le jalo, gore re tle re tshele botshelo jwa rona sentle re itumetse ka gale. Gape ke ithutile gore tiro ya go jala ga se ya balemi fela, rona jaaka batho ba bašwa, re tlhoka go itse go le gontsi ka temothuo gore re tle re kgone go ntshetsa batho ba bangwe dijo, mme go tloga gompieno ke ya go itirela tshingwana ya merogo ka gore ke ithutile gore nka fitlhelela go le gontsi ka go jala. Ka jalo ke itumetse thata mme ke rata go leboga Grain SA ka go re ruta gore temothuo e ka nna botlhokwa go le kae. Ke eleletsa Grain SA masego, Modimo o ba thuse go fitlha re kopana gape.”
Mosamo, Mokhele P, Diphapang, Radimo le Mokhethi M ba Sekolosegolwane sa Le Reng 
“ke ithutile dilo di le dintsi tse re neng re sa di itse, jaaka gore 90% ya dijo tsa lefatshe e tlhagisiwa ke balemirui. Re tlhoka balemirui ba le batlhano go dira beke e le nngwe. Bangwe ba rona re ne re sa itse gore diaparo di dirwa ka boboa jwa phologolo mme diphologolo ke karolo ya temothuo. Re ne re akanya gore temothuo ke fela ka go dira temothuo fela gompieno re lemogile gore re ne re fositse. Tota ke ka ga balemirui gonne kwa ntle ga balemirui, ga go na dijo”.
Bongani & Sechaba ba Sekolosegolwane sa Thabo Thokoza 
“Ee! Tlhagiso e tlhalogantswe sentle mme re ithutile thata ka temothuo. Ga re ka ke ra tshela kwa ntle ga temothuo. Nnete ke gore go na le kgolagano e e kitlaneng magareng ga tikologo ka gore balemirui ba ntsha dijo go tswa mo diphologolong le dimela. Re ithutile gore se re se aparang se tswa mo temothuong e bile re ithutile gore sonobolomo e ntsha oli mme gape katune e ka ntsha marokgwe a dijini go sa kgathalasege setaele. Re ithutile gape gore fotosenthisise e diragala mo dimeleng tse ditala le tlelorofele e tswa dimeleng tse ditala. Re a go leboga Grain SA, go ntse monate go nna le wena ”.
Monique Pretorius Sekolosegolo sa Winburg 
“Ee, ke ithutile gore re ka dira pharologano fa e ka re sekolo se tswa ra ya go dira kwa polaseng le go thusa gore rotlhe re bone dijo. Gape ke bone gompieno gore dijo tsotlhe le dikuno tsa rona tse re di jang di tswa kae, mme ga go bonolo go di dira jaaka rotlhe re gopola. Ga ke ise ke ke ke akanye thata ka tsenelelo ka ditirego tsa go dirwa ga dikuno, mme e ntse se se kgatlhisang tota. Ke a leboga!”
Makotsoang Sello wa Sekolokopanyo sa Louw Wepener 
“Ee, gonne go monate go itse go le gontsi ka temothuo mme ke ithutile gore mmu ke ona motswedi o mogolo wa lefatshe. Sengwe le sengwe se re se bonang gompieno se tswa mo diphologolong le mmu, mme se e ntse maitemogelo a magolo mo go nna. Rremogolo le ena o ne a le molemirui, fela o ne a se na maitemogelo jaaka rre yo o jalang dilo tse di farologaneng jaaka Khabetšhe le ditapole. Ke ka rata go tsweletsa boswa jo jwa borraetshomogolo pele, mme rre o ka ipelafatsa thata ka nna. Ka jalo se e tlaa nna selo se nka se se lebaleng. Ke a leboga ”.
Malefane Retshedisitswe wa Sekolosegolwane sa Boitumelo 
 “Ke lemogile gore kwa ntle ga temothuo re ya go bolawa ke tlala mme re ya go tlhoka le diaparo tse re ka di aparang. Mo go nna temothuo e siametse batho, diphologolo le tse dingwe. Ke rata go rotloetsa batho ba ba bolayang diphologolo le dimela gore ba khutle go dira jalo gonne fa ba tswelela go bolaya dimela re a go tswelela go sotlega re se na dijo, dikgong, fanitšhara, matheriale o o aging matlo le go sotlega ka go tlhoka dikwalelo, mme fa re bolaya diphologolo le teng re ya go sotlega re se na diaparo le dijo. Ke e rata thata…”
Rebecca Ntsapi wa Sekolosegolwane sa Boitumelo
“Ke bone gore kwa ntle ga temothuo batho ba ya go sotlega mme batho ba ya go fela le go swa. Kwa ntle ga temothuo ga go ne go nna le diaparo le dijo le setlaagana. Temothuo e botlhokwa mo matshelong a rona ka gore kwa ntle ga yona dilo di le dintsi mo lefatsheng ga di kitla di nna teng. Ke a leboga.”
Mtabane Egnar	 wa Sekolo Lere-La-Thuto 
“Go ne go kgatlhisa thata mo go nna ka gore dilo dingwe ke ne ke sa di itse. Ke thusegile thata. Ke eletsa gore Grain SA e boe gape. Ke ne ke sa itse gore reise e tlhoga ka fa tlase ga mmu le metsi. Sengwe gape se ke se ithutileng se ke neng ke sa se itse ke gore borraetshomogolo fa ba ne ba tshwanela go apara sengwe ba ne ba tshwanela go ya go tsoma gore ba bone se ba ka se aparang, fa rona re reka ka dishopong. Ke ithutile go le gontsi thata go feta ka moo ken eng ke solofetse. Tsweetswee lo boe gape lo tle go bontsha ba ba sa bonang. Ba tlaa gakgamalela go bona se ke se boneng gompieno. Se ne se itumedisa thata e le ruri!”
Jaco Hulme wa Sekolosegolo sa Linpark 
“E ntse le bokao jo bontsi mo go nna ka gore e ntemositse gore sengwe le sengwe se re se jang le se re se aparang se tswa mo tlhelogong. Ke ithutile gore balemirui ba na le seabe se segolo mo matshelong a rona gonne ba re jwalela tse re di jang le gore merogo yotlhe e re e jang e tswa mo mmung o o molemo. Balemirui ba netefatsa gore diphologolo tse re di jang di fodile le gona mmu o botlhokwa thata mo matshelong a rona. Batho ba tshwanetse go thokomela tlholego go seng jalo dijo di ka se nne teng gonne re dirisa milione o le mongwe wa ditono tsa mmidi ka ngwaga mme fa go tswelela jalo lefatshe le ka iphitlhela le le mo kotsing, mme se ntirile gore ke akanye thata ka se re nang le sona le gore re leboge thata”.
Metyatat Nontetho wa Sekolokopnayo sa Senzile 
“Loeto lwa Grain SA lo ntse le kamego e e siameng – gonne lo re fa kitso gore dikuno di dirwa jang lephateng la motheo, la sekontari go ya la thešiari. Se e ntse maitemogelo a a itumedisang thata mo go nna. Tota ke ne ke gakgamaditswe ke lotso lwa diretala. Go bona ditšhono tsa tiro tse motho o ka di bonang ka dilo tsa temothuo go nkgwetlhile go akanya. Ke ithutile gape gore diaparo tse ke di aparang letsatsi le letsatsi, di dirwa jang. Jaanong ke ya go tlhotlhomisa gore ke ditiro tsa boiphediso dife tse nka di bonang fa ke batla go tsena mo temothuong gonne ke bone gore batho ba ba se nang bokgoni ba ba sa direng le bona ba ka nna le tshwaelo – se se rayang gore go ya go tlholwa ditiro mme matshelo a mantsi a tlaa fetoga. Ke sa ntse ke re se e ntse maitemogelo a a gakgamatsang mo go nna”.
Thabiso Sonopo wa Sekolosegolo sa Marquard 
“Ee, e ne e le mosola thata gonne ke ithutile go feta ka moo ke neng ke solofetse. Kwa tshimologong ke ne ke sa itse gore temothuo e botlhokwa jaana le gore e na le seabe se segolo mo matshelong a rona. Go a itumedisa go itse gore mosong ono ke tsogile le go ja dijo tse di dirilweng go tswa temothuong. Go itumedisa le go feta go itse gore ke apere diaparo tse di dirilweng go tswa temothuong. Se se itumedisang le go feta ke gore ke ya go robala ka dilaakane tse di dirilweng go tswa temothuong. Ke ne ke sa itse gore reise e tswa mo dimeleng. Go bua boammaruri temothuo e dira seabe se segolo mo matshelong a letsatsi le letsatsi a rona. Re tshwanetse ka gale go tlhokomela dimela tsa rona tota le tseo tse re ithayang re re ga di na mosola gonne ke ne ke akanya gore dimela tse di tlhogang mo metsing ga di na mosola le e seng go fitlhela ke lemoga gore reise e tswa mo semeleng sele se ke neng ke re ga se na mosola. Ke tota ke lebogela gore Grain SA e bo e etetse sekolo sa rona gonne ba re rutile dilo di le dintsi ka temothuo. Ke ya go letela loeto lwa bona lo lo latelang ka botswapelo. Ke a leboga ba Grain SA go re naya kitso e”.
Letshabo Ipeleng wa Sekolokopanyo sa Senzile 
“Ke ithutile go le gontsi gore dikuno di tswa kae le kwa di ileng teng pele di nna dijo tse ditala. Re ithutile ka moo dimela le diphologolo di leng botlhokwa ka teng mo go rona le gore di re tlamela ka eng. Re ithutile gape gore fa dijo di tswa kwa lephateng la motheo di ya kwa lephateng la madirelo go fitlhelela kuno ya bofelelo. Di re tlamela gape ka diminerale le tlhale”.
Moshane Paballo Vinoliah wa Sekolosegolo sa Rainbow 
“Ee, go ne go itumedisa thata gonne ke ithutile go le gontsi le go feta ka temothuo. Ke motho yo o tlotlo le yo o utlwisisang mme ka ntlha ya loeto lo jaanong ke tlhaloganya go le gontsi ka temothuo mme ke eletsa go ithuta go ya pele ka yona. Go ne go siame tota. Ke rata go dira temothuo mme ke dumela gore go na le ditšhono tse dintsintsi tsa tiro. Ke ka itumela fa mokatisi wa Grain SA, Rre A Thomas a ka nkaraba. A e se ke ya nna mo sekolong sa rona fela, fela ke ka rata gore lo nne mafoko a a molemo mo dikolong tse dingwe”.
Callum Estchmaier wa Kholetšhe ya Temothuo ya Weston
“Ee go ntse le boleng jo bogolo mo go rona gonne e re baakanyetsa temothuo mo isagweng. Puo e e re thusitse gape go bona ka moo temothuo e leng botlhokwa mo dijalong, diaparong, ditlhakong le maatla. Gape re rotloediwa go tsamaelana le temothuo”.
Thabiso Msomi wa Sekolosegolo sa Linpark 
“Ee, e re sedimoseditse ka foo dijo tse re jang di tlang ka teng kwa go rona, le gore di dirwa jang. Gape e dirile gore re bone lotlhakore lo longwe lwa temothuo le mesola ya lona. E re sedimosetsa gore diaparo tse re di aparang tse di dirwa le go tla jang kwa go rona.
Londeka Mhlongo wa Sekolo sa Wartburg Kirchdorf 
“Ee, gompieno ke lemogile gore tota 90% kgotsa go feta ya dilo tse re di dirisang letsatsi le letsatsi di tswa mo temothuong. Re na le tlwaelo ya go ikaketsa ka dilo tse re di jang, diaparo tse re di aparang mme gantsi ga re leboge se bontsi jwa balemirui ba re se direlang. Matsapa a balemirui le diphologolo tse di tlhabelwang nama ya rona, dikgetsana tsa letsogo tse di dirwang ka letlalo le boboa. E ntse tshiamelo le tlotlo e kgolo go rutwa le go gakololwa ka ga dilo tse ke Grain SA. Ka jalo ke akanya gore re tshwanetse gore re tsee tsia thata le go fokotsa kgotlelegoloapi gonne ga e siamela lefatshe la rona”.
Pono Shembe wa Kholetšhe ya Temothuo ya Zakhe 
“Loeto lo ne lo le mosola mo go nna mme ke dumela gore bontsi jwa sekolo, fa e se sekolo sotlhe, bo ikutlwa jalo. Ke ithutile go le gontsi mo loetong lo, bogolosegolo gore ditlhokego tsa batho ba bantsi di tswa mo madirelong a temothuo. Go tswa mo tiragalong ya khudugelotoropong ya go tswa polaseng go ya ditoropokgolong. Temothuo e dira jaaka motlhodi mo ntshokunong ya dijo lefatshe ka bophara. Go ka nna teng ga diaparo go tlhotlhelediwa ke ntshokuno ya temothuo. Re tlaa letela loelo lo lo latelang ka botswapelo”.
Londeka Mkhize wa Sekolosegolo sa Estcourt 
“ Ee, go boammaaruri gonne ke ithutile gore go na le dikarolo tse dintsi mo temothuong. DVD e ne e tlhalosa go le gontsi ka tsela e e kgatlhisang thata. E nthutile gore go na le metswedithuso e mentsi e e nang le boleng jo bogolo mme jaaka batho re tshwanetse go e tsaya tsia. Re tota re leboga gore go bo go na le batho ba ba tsayang nako ya bona go re lemosa ka ga dilo tse mme re letetse loeto lo lo latelang ka botswapelo”.
Ramona Steenkamp wa Sekolosegolo sa Pionier 
“Ee, e ne e kgatlhisa le ya boleng jo bogolo. Nna ruri ke tlotla thata se ke se jang le kwa se tswang teng. Re lo lebogela go abelana kitso ya lona le rona, re itumetse go menagane. Tsweetswee tswelelang go dira jalo gonne ke sengwe se se khatlhisang tota”.
Sandile Mohunu wa Sekolosegolo sa Sarel Cilliers 
“Ee, ke dumela gore rona jaaka batho re tsaya dilo tsa temothuo botsatsa. Ga ke ise ke ke ke akanye ka dilo tsotlhe tse ke di utlwileng fa gompieno. Jaanong ke itse gore dikuno di tshwana le dikhonofoleike ga di tlhage bonolo fela jaaka rona re akanya. Ke nako gore re lebelele tlholego ka leitlho le lengwe. Tshwarang ka thata tiro e lo e dirang. Lo se ke lwa latlhegelwa ke mafolofolo a lo nang nao...”
/
/
/
/
School visited in Provinces – Dikolo tse di etetsweng mo Porofenseng
