

Safex										Tswana



O mo kgetseng



Instruction:

Folio strap: THEKISODITHORO

Byline: E baakantswe go tswa Khosotsamaisong ya Kgwebo ya Temothuo ke Jane McPherson



Jaaka bana, re ne re rutla gore ‘lo se ka lwa jela mabele mogwannye” – fela gangwe fela fa o setse o robile dijalo tsa gago, ke tsa gago tota, jaanong o tshwanetse go swetsa gore a ke o di rorele difaleng gona jaanong kgotsa go di boloka le go ema go fitlhelela ditlhotlhwa di tlhatloga (gongwe fa o se lesego, di fokotsega) – ke gore fa, re tsaya gore ga o na konteraka ya thekiso, eo o tshwanelwang ke go e tlotla fa e le teng.



Ke dintlha dife tse ke tshwanetseng go di akanya ka polokelo?

A ke na le ditshiamelo tsa tshwaro, phepafatso le polokelo mo polaseng?

A ke rorel dithoro ka tlhamalalo kwa difaleng tsa poraefate go tswa masimo (fa ke roba) kwa meleming o mongwe, tshilong kgotsa badirising ba bangwe ba dikuno tsa mmidi?

Fa mmidi o tlaa bolokwa mo polaseng kgotsa kwa motsamaising wa sefala sa kgwebo, ditshenyegelo tsa poloko ka tono e tlaa nna bokae?

A ditshenyegelo tsa poloko di tlaa bona dipoelo tse dintsi morago ga go duela tsalo le dituelelo? (Buisa mokwalo o mosesane mo konterakeng nngwe le nngwe e o tsenang mo go yona ya poloko).

Maemo a motsamao o o solofetsweng wa ditlhotlhwa tsa dithoro ke afe?



Bona tshedimosetso e ntšhwa ya dithulaganyo tsa thekiso dife kampo dife tse di ikaegileng, ka bonnye, dipatlisiso tsa mebaraka tsa beke le beke tsa ditsamao tsa tlelaemete le ditlhotlhwa morago ga go rerisana le moemedi wa gago kgotsa mogakolodi wa thekiso wa gago.



Ke dintlha dife tse di tlhotlheletsang tlhotlhwa ya mmidi mo Aforikaborwa?



Kemo ya tlamelo le patlego

Fa go na le lefetiso la mmidi mo Aforikaborwa (jaaka ka 2004 ke 2005) tlhotlhwa ya mmidi ya Safex e ganelela go gweba gaufi le tekatekanoboleng ya thomelontle.

Fa go ka bonala e kete go tlaa nna le tlhaelo ya mmidi mo Aforikaborwa (jaaka ka 2006 le 2007) ditlhotlhwa tsa mmidi tsa Safex di ganelela go gweba gaufi le tekatekanoboleng ya thomeloteng.



Ditlhotlhwa tsa mmidi tsa boditšhaba

Tlhotlhwa ya mmidi ya boditšhaba ke karolo e kgolo thata mo palelong ya ditlhotlhwa tsa tekatekanoboleng ya thomeloteng le thomelontle.

Ditlhotlhwa tsa mmidi tsa boditšhaba gape di farologana letsatsi ka letsatsi go ya ka kemo ya boditšhaba.

Phetogo mo tlhotlhweng ya boditšhaba e ka tlhola phetogo mo dilekanyong tsa tlhotlhwa ya tekatekanoboleng ya thomeloteng.

Ditlhotlhwa tsa tekatekanoboleng tsa tlhomeloteng tsa mmidi wa USA le Argentina gantsi di dirisiwa jaaka letshwaokaelo la tlhotlhwa ya mmidi wa Aforikaborwa.



Kelokananyo ya Rand/Dolara ya USA

Ditshenyegelo tse di golaganngwang le palelo ya tlhotlhwa ya tekatekano ya thomeloteng le thomelontle jaaka tlhotlhwatheko ya mmidi mo mmarakeng wa boditšhaba (tlhotlhwa ya mmidi ya ‘free – on – board” mo nageng nngwe), ditshenyegelo tsa thwalo ka lewatle le inšorense ya morwalo, di bewa tlhotlhwa le go duelelwa ka dolara ya USA.

Go fetolela ditshenyegelo tse kwa ranteng ya Aforikaborwa di tshwanetse go ntsifadiwa ka kelokananyo ya Ranta/Dolara ya USA.

Go wela tlase le godimo ga kelokananyo ya ranta/dolara ya USA, le gona go tlaa tlhola phetogo mo ditlhotlhweng tsa mmidi tsa tekatekano ya thomeloteng le thomelontle.



Tlhomamiso ya tlhotlhwa ya mmidi ya Aforikaborwa



South African Futures Exchange (Safex)

Mmidi wa Aforikaborwa o gweba letsatsi le letsatsi mo mmarakeng wa dikuno tsa temo wa South African Futures Exchange (Safex) o leng karolo ya Johannesburg Stock Exchange (JSE).

Safex e ka tlhalosiwa jaaka thulaganyo ya thekiso ya koo barkei (Sekew: basidi bam midi) le barekisi (sekao bantshi bam midi) ba ka lwela go reka le go rekisa mmidi ka seileketeroniki mo pakeng e e kgethegileng (kgwedi).

Mmaraka wa dikuno tsa temo wa Safex, o gweba letsatsi le letsatsi go tloga ka 09:00 -12:00.

Randfontein (Gauteng) ke lefelokaelo la tlhotlhwa yam midi.

Tlhotlhwa yam midi ya Safex, ka jalo ke tlhotlhwa yam midi o o roretsweng kwa Randfontein.

Fa mmidi o ka rorelwa kwa sefaleng sengwe fela go na le Randfontein, tekanyo e tshwanetswe go dirwa mo tlhotlhweng go emela ditshenyegelo tsa thorelo kwa Randfontein go tswa sefaleng seo, gammogo le ditshenyegelo tse dingwe.



Calculating the producer price of maize

Go balela tlhotlhwa ya mmidi ya montshadikuno, go fitlhelela kwa tlhotlhweng ye montshadikuno o tlaa e amogelelang mmidi wa gagwe, fa o roretswe kwa sefaleng se se kwadisitsweng mo Safex go na le sa Randfontein, go tshwanetswe go dirwe dikgogo dingwe mo tlhotlhweng yam midi ya Safex. 

Ntsho ya ntlha ke pharologano ya lefelo (e e leng tshenyegelo ya thoro e e baletsweng go tswa sefaleng se se kgethegileng seo go ya Randfontein) e e phasaldiwang ke Safex ka ngwaga.

Fa mmidi o roretswe kwa sefaleng sa kgwebo, kgwebo ya temothuo (e e beng ba sefala seo) e tlaa duedisa tuelo ya tshwaro.

Gale tuelo ya thekiso e tlaa duedisiwa ke kgwebo ya temothuo kgotsa setlamo se se gwebisang fa mmidi o sa rekisiwe ka tlhamalalo kwa mosiding wa mmidi (sekao, mmidi o rekisiwa ke kgwebo ya temothuo mo boemong jwa molemi).

Fa mmidi o sa rekisiwe ka tlhamalao morago ga go gorosiwa (o bolokwa nakwana) go tlaa tshwanelwa ga dirwa tshiamelo ya ditshenyegelo tsa polokelo.



Palelo ya tlhotlhwa ya montshadikuno wa mmidi e e fitlheletsweng kwa sefaleng e ka sobokwa jaana:



Tlhotlhwa ya mmidi ya Safex
 

 
- Pharologano ya Lefelo
 

 
- Ditshenyegelo tsa tshwaro
 

 
- Tuelo ya thekiso
 

 
- Ditshenyegelo tsa poloko
 

 
= Tlhotlhwa ya montshadikuno kwa sefaleng
 

 


Go botlhokwa gore montshadikuno a tlhaloganye gore tlhotlhwa ya montshadikuno e e fitlheletsweng ke tlhotlhwapotlana e a ka e amogelang mo mmiding wa gagwe kwa sefaleng se se kgethegileng. Ka go buisana ka tlhamalalo ke setlamo sa tshilo, kgwebo ya temothuo kgotsa tsa kgwebo ya dithoro tse dingwe, o ka bona tlhotlhwa e e botoka go ba le tlhotlhwa ya montshadikuno e e fitlhetsweng.



Go botlhokwa thata mo montshadikunong go gopola gore ke mong dijalo tsa mmidi – ke wag ago go o rekisa mme fa o sa kgotofalela tlhotlhwa, rerisanela (tlhotlhwa e e botoka, tlhotlhwa ya Safex ke) tlhotlhwapotlana e e kwa tlasetlase e o tshwnetseng go ikemisetsa go ka e amogela.





















